title
stringlengths
1
82
text
stringlengths
565
8.03k
orig_label
stringclasses
10 values
label
int64
0
9
Ba ba jang ditagi ba tlaa di gama ba sa di tlhapela
Melao yotlhe e e amang ditagi mo lefatsheng leno e tsile go baakanngwa gore botlhe ba ba gwebang ka tsone le go di dirisa botlhaswa ba di game ba sa ditlhapela. Mafoko a, a builwe ke Mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe kwa thuto puisanyong ya letsatsi, e e neng e rulagantswe ke ba kereke ya Mahalapye Sabata mo kgotleng kgolo ya Mahalapye bosheng. Thuto puisanyo eo e ne e tibagantse le tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi mo Mahalapye le mo lefatsheng ka kakaretso. Rre Molefe o ne a tlhalosa gore e le baeteledipele, ba lemoga gore batho ka bontsi ba inaakantse le tiriso le thekiso ya diritibatsi, bogolo thata motokwane. A re lefatshe leno le setse le sena boleng fa go lebilwe gore mafelo ka bontsi ke boremelelo jwa thekiso le tiriso ya ditagi tse di seng ka fa molaong. A re ka jalo molao o tsile go dirwa go leka go busetsa lefatshe kwa le simologileng le ntse ka teng. O ne a tlhalosa fa selo se, se setse se digile leina la lefatshe leno, mme a leboga botlhe ba ba emeng ka dinao go lwantsha ditiro tseo. Rre Molefe o ne a kopa banni gore fa molao o simolodisiwa, ba eme baeteledipele nokeng go bona gore molao o a diragadiwa, e bile ba ba dirang jalo ba gagamalediwa dikotlhao. O ne a leboga go menagane ba kereke ya Sabata go bo ba gatetse pele, ba itebagantse le botsogo jwa motho gammogo le go gasa lefoko la Modimo. O ne a tlhalosa gore kereke e, e sale e tsile mo Botswana bogologolo, mme e itebagantse le botsogo le Baebele, selo se e rileng ka ngwaga wa 1920, ba aga sepatela sa Kanye. A re fa e sale ka dingwaga tseo, kereke e ne ya gola mo lefatsheng, e rotloetsa botsogo jo bo siameng mo setshabeng. O ne a tlhalosa gore se gape se supiwa ke ka fa ba boloditseng letsholo go ruta banni ba Mahalapye ka tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi, selo se lefatshe ka bophara le emeng ka dinao go se lemotsha batho fa se sa siama. O ne a ba kopa gape go rutuntsha le go amogela ba ba batlang go tswa mo dilong tse di maswe tse ka go ba rotloetsa le go ba amogela go bona lesedi. Rre Molefe a re kereke e, e kgothatsa batho go tshela botshelo jo bo phepa ba sa dirise nnotagi le diritibatsi gammogo le lenaneo la ba ba batlang go tlogela dilo tse. O ne a kgothatsa setshaba go utlwa molaetsa le go inaakanya le ba kereke e go leka go tshela botshelo jo bo phepa. E rile a tswa la gagwe, Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a kopa batsadi go ema ka dinao go kgalemela bana le go nna sekao mo go bone. Kgosi Segotsi o ne a kopa batsadi go itshekatsheka gore gare go tseneng fa bana ba tlhakaladitse ka tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi mo go kanakana, e bile dilo di dule mo taolong. A re bana ga ba utlwe batsadi, e bile batsadi ba setse ba ba tshaba, ka jalo a gakolola gore ‘lore le ojwa lo sa le metsi’. O ne a tlhalosa gore batsadi ka bontsi ba neneketsa bana, ba palelwa ke go ba betsa, mme ba roletse dikgosi le mapodisi gore e nne bone ba ba ka otlhayang bana. Kgosi Segotsi a re nako e tsile jaanong ya gore ba pataganele go kgalema bana ba ba busetse mo tseleng. A re dikgotla tsa ditsheko di tletse ditsheko tsa diritibatsi ntswa botsadi bo le teng, bo ka bo bo kgalema. O ne akgola thata makgotla le dikereke tse di emeng ka dinao go lwantsha nnotagi le diritibatsi. Moeteledipele wa tsa botsogo wa kereke eo, Mme Keletso Baoketsi o ne a tlhalosa fa maikaelelo a dithuto puisanyo tseo e ne e le go ruta le go tsibosa setshaba ka tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi. Mme Baoketsi a re moono e ne e le go tsibosa setshaba ka bosula jwa diritibatsi, le go otlolola letsogo mo go ba ba setseng ba amilwe ke ditiro tse di maswe tse, go bona gore ba ikaga sesha le go ka bona dithuso tse di lolameng go tshela sentle. BOKHUTLO
society
9
Badiri ba tshwanetse go goga ka mowa o le mongwefela
Molaodi wa Kgalagadi, Rre Rapetse Mathumo o kgothaditse badiri ba ba okametsweng ke ofisi ya gagwe mo lephateng la merero ya ofisi ya ga tautona, tsamaiso puso le bodiredi go bereka ka natla ba le seopo sengwe ka nako tsotlhe go ntsha maduo a a kgotsofatsang setshaba se ba se direlang. Molaodi o buile jaana bosheng mo bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke ofisi ya gagwe jo bo neng bo kokoantse maphata a a okametsweng ke ofisi ya gagwe a akaretsa badiri ba ofisi ya ga molaodi, maphata a dikitsiso le kgaso le ba dikatso tsa bagodi. Rre Mathumo o boletse fa mongwe le mongwe a tshwanetse go dira tiro ya gagwe ka lorato, matsetseleko ka e le ene a itseng go e dira botoka mme kwa bofelong ba tshwanelwa ke go kgotsofatsa setshaba, a kaya fa gape ditiro tsa bone di le botlhokwa mo tokafatsong ya matshelo a batho. Mo mafokong a gagwe a kgothatso, o ne a gakolola badiri gore ba tshwanetse go itirela botshelo jo bo eletsegang fa ba santse ba le mo tirong bogolo jang go itirela bonno jo bo siameng ka e le jone bo tsholetsang le go fa motho seriti. O ne a ba gakolola gape gore ba tshwanetse go bereka mmogo ba tshwaragane, a kaya fa kgetse ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa le gone go emana nokeng mo matshelong a tsatsi le letsatsi ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo tirong di akaretsa letlhoko la boroko, go tlhoka go tsholediwa maemo, go bereka lobaka lo loleele golo go le gongwe le tse dingwe. Molaodi Mathumo o ne a gakolola baeteledipele mo maphateng a a farologanyeng go kaela babereki ba bangwe tsela ya nnete ka go ba gakolola mo tirong ka seo se thusa mo go ntsheng maduo a a itumedisang setshaba le gone go itshwara ka boitshwaro jo bo eletsegang. O ne a gatelela gore ba tshwanetse go tshwara bokopano le badiri ba ba ba eteletseng pele kgapetsakgapetsa ka seo se ka thusa mo go kgalemeleng le go tswa ka ditharabololo tsa dikgang di ka tlhagang mo tirong. Fa ba ntsha matshweneyego a bone, mongwe wa batsena bokopano joo, Rre Lucky Mphafe go tswa mo lephateng la kgaso o ne a ngongorega ka letlhoko la boroko ka ba bereka ba sa wela dibete a re fa e sale a romelwa ngwaga tse supa tse di fetileng mo Tsabong le mo nakong eno a ise a fiwe boroko mo matlong a puso. O ne a kgala mogopoplo wa go tlhakanela boroko, a kaya fa matlo mangwe a puso a le mannye mme a sa kgone go tsenya dithoto tsa bone tsotlhe O kaile fa ba felela ba hirisa matlo mo motseng, selo se a reng se a ba turela le gore a felela a baya matshelo a bone mo diphatseng ka a se mo seemong se se siameng. Rre Mphafe o ne a supa fa ba le ’bete se molangwana ka badiri ba ba sa tlhakaneleng boroko ntswa ba nna mo matlong a a tshwanentseng go bo a tlhakanelwa. Fa a ba kgwa dikgaba, molaodi Mathumo o ne a ba bolelela fa a dumela e bile a tlhaloganya fa go tlhakanela boroko go na le ditlamorago tse di sa siamang mme sebe sa phiri e le letlhoko la madi la go letla puso go aga matlo a a lekaneng a bodirela puso mo kgaolong eo. Mme Mmamokala Gouwe, mogolwane go tswa mo ofising ya nyeletso lehuma o ne a lebogela phuthego eo, a supa fa mafoko a ga molaodi a kgothatso a tlaa tiisa moko badiri go tswelela ba dira tiro ya bone ba tsentse marapo mo nameng e bile ba tshwaraganye go dira tiro ya puso ka monontlhotlho. BOKHUTLO
politics
7
Moagele o santse a ikaegile ka FAP
Batswana ba tsweletse pele ka go tokofatsa matshelo le go leka go nyeletsa lehuma le ba tshelelang mo go lone ka go itirela ka diatla. Mme Hellen Moagele o supile fa a sa ntse a ikgaratlhela ka dithuso tse a di filweng ke ba FAP. Mme Moagele o tswa kwa Makopong mo kgaolong ya Kgalagadi. O supile fa a ne a ya sekolong sa go loga kwa Mochudi Homecraft Center ka ngwaga wa 1982 a ya go ithutela tiro ya diatla teng. A re se se mo gwetlhileng gore a tsene sekole se, ke gore o ne a lemogile fa a na le bokgoni jo bontsi fela thata le kgatlhego ya go loga. O ne a batla go ikoketsa gore a itse le go feta. O boletse fa ka ngwaga wa 1988 a ne a thapiwa e le morotloetsi gone kwa Mochudi Home Craft Center, a ruta baithuti go loga. O ne a simolola kgwebo ya gagwe a rekisa tse a di logang mme a direla batho ba ba ikopelang fela, a sa logele go rekisa. E ne ya re fa nako e ntse e tsamaya a tlogela tiro mme a simolola kgwebo ya gagwe ya go rekisetsa setshaba jaanong. O tlhalosa fa a ne a tlogela ka go loga mme a itebaganya fela le go roka ka o ne a sena madi a go reka matshine yo o logang. O boletse fa kgwebo e simologile sentle ngwaga tse thataro tse di fetileng. A re o ne a simolola kgwebo ya gagwe ka madi a neng a ipeela kgwedi le kgwedi fa a sena go amogela. Mme e ne ya re nako e ntse e tsamaya a fiwa madi a Financial African Policy a a neng a tswa kwa lephateng la temo-thuo go re ba itheekele didirisiwa tse ba di tlhokang go tsosolosa dikgwebo tsa bone. Mme Moagele a re mo bogompienong o rekisa mesangwana ya ditilo, dibeke, lebokoso la manyena le mekgabisa e mengwe ya mmele le tse dingwe fela ka go farologana. O supile fa a na le dikgwetlho tsa go tlhoka go rekelwa sentle le gore didirisiwa tse ba di dirisang ba di latela kgakala. A re se ke sone gape se se ba thatafaletsang go tswelela le kgwebo e, ka nako tse dingwe ba kgona go nna fela ba sena didirisiwa. O tlhalositse fa a thusiwa ke ba lephata la ditlhabololo tsa selegae le le tlwaelegileng ka go bitswa S & CD. Mme Moagele a re kgwedi le kgwedi ba lephata le, ba ba thusa ka go ba tsenya mo setshabeng, se e le go ngoka bareki ka go farologana gore ba kgone go rekelwa. A re o rotloetsa Batswana gore ba simolole go itshetsa ka diatla go tokafatsa matshelo a bone. O tlhalositse fa go itirela go na le dipoelo tse di dintsi fela thata segolo jang fa o dira ka lerato, bopelotelele, le fa o dira tiro e e nang le boleng
economy_business_and_finance
3
Banana itshekatshekeng - Kgosi
Kgosi Opelo Ntshwarelang wa motse wa Mosetse mo kgaolong potlana ya Tutume a re go botlhokwa gore e re jaaka ngwaga o simolola jaana banana ba itshekatsheke gore ba kgone go tsaya ditshwetso tse di maleba tse ba tla di salang morago. O buile jalo mo potsolotsong le BOPA, a supa fa bontsi jwa banana ba lebanwe ke kgwetlho ya go inaakanya le ditiro tse di duleng mo tseleng gareng ga tse dingwe di akaretsa tiriso ya dinotagi, boimana jwa banana ba dingwaga tse di kwa tlase gammogo le go tlhoka go dira sentle mo dithutong. A re mangwe mabaka a a tlhotlheletsang dikgang tse ke gore banana bangwe ga ba iphe nako ya go itshekatsheka go bona gore ba ka sala tsela efe morago. O supile fa bangwe ba tsietsega ka ba retelelwa ke go ipatlela tsela e ba ka e salang morago go itirela isago e e kgatlhisang. Kgosi Ntshwarelang a re go botlhokwa gore banana ba tseye ditshwetso tse di maleba gore ba seka ba iphitlhela ba wetse ka lemena. O ba rotloeditse go dirisa mananeo a ba a beilweng pele ke pus mme a gatelela thata mo go a a rotloetsang go tlhabolola dithuto. A re mananeo a akaretsa la Back-to-school le BOCODOL a tlhametswe go thusa banana ba ba reteletsweng ke go fetela kwa pele gore ba itsose le bone ba goroge kwa ditorong tsa bone. Kgosi Ntshwarelang o gakolotse gore go tlhoka go dira sentle mo sekolong ga se phelelo e bile ga se gore motho o tshwanetse go inaakanya le maitsholo a a sa amogelesegeng. A re banni ba motse oo ba ne ba ile dikhwaereng fa bangwe ba ne ba itiretse maitiso mo malwapeng a bone mme e bile a supa fa barekisi ba bojalwa le bone ba ne ba obamela dinako tsa thekiso. Kgosi a re sengwe gape se se mo itumedisitseng ke dikgaisano tsa kgwele ya dinao tse di neng di tshwerwe mo dikgotleng tsotlhe tsa motse ka go farologana ka di ne di kopanya banni ba motse. O supile fa a kgatlhilwe ke go bona bontsi jwa banana ba ne ba tsaya karolo mo dikgaisanong tseo mme a supa fa seo se ba rotloeditse go ikgapha mo ditirong tsa botlhoka tsebe. BOKHUTLO
education
4
Kgosi Kedikilwe o rotloetsa poifo Modimo
Go rera lefoko la Modimo go rotloetsa kagisano le go tsisa masego le matlhogonolo mo matshelong a batho. Kgosi Ketlhapie Kedikilwe wa kgotla ya Maokatumo yo gape e leng modumedi fa a bua mo potsolosong a re go tshela ka kagisano mo malapeng go botlhokwa fela thata. A re dikgosi tsa dikgotla tsa Setswana gantsi ba tshereganya batho, a tlatsa ka go re go agisanya batho go tlhokana le lefoko la Modimo. Kgosi Kedikilwe o tlhalositse fa go baya Modimo kwa pele fa motho e le moeteledipele go le botlhokwa ka go rotloetsa go tsaya batho ka tekatekanyo le go tsaya ditshwetso tse di amogelesegang mo setshabeng. Mo go tse di tshwenyang, kgosi a re go na le bangwe ba ba alafelang balwetse ba bone mo melapong, a tlatsa ka go re go le gantsi go nna go tlogetswe masalela a dikerese le meteme tse di ka felelang di kgotlela tikologo le go baya botsogo jwa batho le diphologolo mo diphatseng. Fa a tswa la gagwe Bishop Matenje wa kereke ya St John Apostolic Faith Mission of Botswana a re bogogi jwa metse bo tshwanetse jwa tshwaragana le baruti le dikereke go agela setshaba ka fa tlase ga lefoko la Modimo gore ba itse se ba leng sone mo botshelong. Moruti o rotloeditse dikgosi go ikakatlela thata ka lefoko la Modimo fa ba eteletse setshaba ka go ka ba fa seriti le tlotlo ga mmogo le go tsaya ditshwetso sentle. “Go agela morafe ka fa tlase ga lefoko la Modimo go rotloetsa boitshwaro jo bo siameng ka gore sekeresete se a aga,” Moruti a tswaela. Kgosi Gothatamang Kedikiwe wa Diloro o lebogetse kereke ya kereke go baeteledipele fa pele ga Modimo go ba kopela masego le matlhogonolo. O kopile dikereke go dira jaaka kereke ya St John go tswelela ba rapelela metse le lefatshe leno ka bophara gore le robalelwe ke ditlhokwa, go nne le tshwaragano, morero, neelano le tirisano.
religion_and_belief
8
Marekisetso a kokoanya madi go thusa Tshegofatso
Tshegofatso Ndlovu, yo o nang le ngwaga, ke mosetsanyana yoo tshelang ka bolwetse jwa go gola ga tlhogo mo go sa twaelesegang (Hydrocephalus). E ne ya re ka kgwedi ya Hirikgong mabenkele a Eureka,Trident,Welcome Cash and Carry,DailyNeeds le Pick&Pay ba kopana go thusa gore Tshegofatso a ye go dira learo, mme ba ne ba dira jalo ka go apaya dijo ba di rekisa, maitiso a bo mmabontle le kgwele ya dinao. Madi a a tlhokegang go dira learo la ga Tshegofatso ke P45 000 mme go setse go kokoantswe selekanyo sa P32 000. E rile a eme badiri ba mabentlele ao ka lefoko, mothusa ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Molefhi Pilane a re o leboga go bona ba kgathala ka botsogo jwa batho ba ba mo tikologong e ba nnang mo go yone le go bona gore botshelo jwa ga Tshegofatso bo a somarelwa. Mothusa ratoropo o kgotlhaditse badiri ba madirelo a Pick&Pay,Dailyneeds,Eureka,Welcome Cash &Carryle Trident go bula letlole le mo go lone ba ka nnang ba thusa ba ba tlhokang ka go ka ba tlhofofaletsa tiro. O ne gape a bolela gore khansele ya Selebi Phikwe e itlamile go bereka ka thata le go ema nokeng botlhe ba ba tlhokang thuso. O ne a tlhalosa gore ofisi ya ga ratoropo e butswe ka nako tsotlhe go thusa botlhe ba batlhokang dithuso.
health
6
Go ikgatholosa go bala ke go ikepela lemena
Go ikgatholosa go bala mo go atileng mo Batswaneng go digetse batho ba le bantsi ka lemena. Go tlhalositse jalo Mme Motshidisi Makhurutha, morulaganyi wa mokgatlho wa Botswana Society for the Arts, mo dithutong puisanong tse di neng di tshwaretswe kwa ntlong ya ditso kwa Maun bosheng. A re se se ngomolang pelo le go feta, ke gore gantsi ditaelo kgotsa ditlamorago tsa ditumalano, di a bo di papametse mo mokwalong mme motho ene ka boitseme, a saenele ditumalano tseo kwa ntle ga go ipha sebaka sa go bala le go tlhaloganya. A re mo dikgannyeng tsa mofuta oo, batho bangwe ba felela ba jelwe ntsoma ka ntata ya go sa saleng morago ditumalano. A re go dira jalo ke go ithekisa ka motho a ka tlhoka kwa a ka lelelang teng fa go le maswe ka o a bo a setse a itlhabile ka thipa mpeng. O tsweletse a tlhalosa fa go atile mokgwa o mongwe o le one a tlhalositseng fa o le diphatsa mo matshelong a batho ka bontsi. A re ka metlha mengwe,cditumalano di dirwa ke bobedi kwa ntle ga mokwalo ope kgotsa sesupo sepe sa gore go dumalanwe kae, leng, jang le gone fa go reng. Mme Makhurutha o tlhalositse fa mo dikgannyeng tsa mofuta oo, go felela go nna le dikgotlhang fa mongwe a tlhanogela ditumalano. O gakolotse setshaba go ikanya mokwalo go itsa diemo tse di atileng tsa bo nkgata ke tlhaname. Le fa go ntse jalo, Mme Makhurutha o tlhalositse fa maiteko a bone ba a tshwaraganetse le European Union. A re maiteko a, a runtse morago ga gore ba tlhotlhome le lefatshe go lekola badiragatsi. A re dipatlisiso tsa bone di ile tsa ba lemotsha fa go tlhaela go le gontsi mo badiragatsing ba lefatshe leno go tokafatsa seemo sa bone. “Maikaelelo a rona ke go ba gakolola le go tlhatlhelela badiragatsi gammogo le go ba buelela mo dikgannyeng tsa bone.” A re gape ba tlhatlhelela badiragatsi ka mokgwa o o faphegileng o akaretsa go baya mekwalo yotlhe ya tiro, go boloka madi, go dirisanya le bareki gammogo le gone go ithuta go ipheleletsa go dira dilo tsa tlhwatlhwa tse di ka kgatlhisang leitlho. O tladitse gape gore go somarela nako le gone ke konokono mo go ntsheng maduo a se modiragatsi a se dirang. Le fa go ntse jalo, badiragatsi le bone ba ne ba phophoma ka boitumelo ba tlhalosa fa ba lebogela dithuto tseo. Modiragatsi wa poko yo le ene a neng a tshologetse pitso, Mme Precious Molatedi yo o tumileng thata ka go bitswa QuinDiva, o galaleditse dithuto tse a di akotseng. A re dithuto sekadipuisano tseo di ba fatlholotse fela thata ka ba ne ba sa tlhaloganye dilo ka bontsi. A re e le mmoki, o ne a sa itse fa a na le tshwanelo ya go tseela motho dikgato fa a dirisa tiro ya gagwe ka bofafalele kwa ntle ga tetla ya gagwe. A re jaanong e le modiragatsi, o a itshepa fela e bile a tlhalosa fa a tlaa tiisa poko ya gagwe ka go dirisa dithuto tse a di bapetseng mo dithutong tseo.
education
4
Kereke e tsaya karolo go lwantsa bolwetse jwa AIDS
Ba kereke ya Ebenezer Christian Church of Zion bosheng ba ne ba kokoana kwa diofising tsa lephata la dipasa, mesepele le boagedi mo Bobonong go tshwara merapelo e maikaelelo a yone e leng go rapelela bolwetse jwa AIDS. Fa a bua kwa merapelong, Arch Bishop Ookeditse Setlhantsweng o tlhalositse fa lefatshe la Botswana le seegetse kgwedi ya Lwetse go rapelela bolwetse jwa AIDS. O tsweletse a tlhalosa fa Tautona a kopile dikereke ka go farologana go ema ka dinao go rapelela bolwetse joo. O supile fa mmele wa motho e le tempele ya Modimo fa moya o o boitshepo o nnang teng ka jalo a rotloetsa batho go somarela gammogo le go tlhokomela mebele ya bone. Rre Setlhantsweng o kaile fa lekwalo la Bakorintha wa ntlha kgaolo ya boraro temana ya lesome le boferabongwe le re “fa re tshela re tshelela Modimo, boifa leina le le galalelang ebong Jehovah”. A re fa motho a sa tlhokomele ditsela tsa Morena Modimo o tlaa welwa ke dipetso tse di gakgamatsang tsa Egepeto ebong malwetse. Rre Setlhantsweng a re le ntswa palo ya batho e le ntsi jaaka dinaledi fa go sa tlhokomelwe ditsela tsa Morena Modimo batho ba ka fokodiwa ka go senngwa. A re fa batho ba reetsa ditaelo tsa ga Jehovah ba tlaa ja molemo wa mahumo a lefatshe Fa a latlhela la gagwe motshwarelela mogolwane mo lephateng la dipasa, mesepele le boagedi Mme Elizabeth Gabana a re fa efangedi e tsene mo pelong ya motho e a aga e bo e tswelele e ungwe. Mme Gabana o gwetlhile setshaba go batla tsela ya Modimo fa e santse e ka bonwa.
religion_and_belief
8
Bana ba abelwa tsa mariga
Kgosi Neo Letlhare wa Lejwana o akgotse mogokaganya ditiro tsa ofisi ya ba-na-le bogole kwa Ofising ya ga Tautona, Rre Thomas Motingwa, go bo a abetse sekole se sebotlana sa Lejwana diaparo tsa sekole tsa mariga. E rile a amogela dilwana tse bosheng, Kgosi Letlhare a tlhalosa fa Rre Motingwa a dirile tiro gonne makgwe le dijesi tseo di tsile mariga. O supile fa bana ba le masome a mabedi le bobedi ba tlaa akola diaparo tseo mme selo se se tlaa ba thusang go dira sentle mo dithutong. Kgosi o ne a tlatsa ka go re Modimo o tlaa segofatsa Rre Motingwa ka seo, mme a mo kgothatsa gore a tswelele a dira tiro e ntle e. Fa a amogela dimpho, morutabana wa sekole seo, Mme Annah Kabalanyane o ne a tlhalosa fa ba itumeletse go bo bana ba bone ba bannye ba tlhokometswe thata ke Rre Motingwa. O kaile gore mo nakong e ya bolwetse jwa corona go botlhokwa go apara bothito, ka jalo o itumelela gore se se tlaa thusa bana gore ba seka ba tsenwa ke mogare o, o o kekelang fa go le tsididi. Mme Kabalanyane o kopile botsadi gore ba tlhokomele dimpho tse thata gore bana ba gole ba ntse ba di dirisa. Mokhanselara wa Lejwana Rre Beach Mooketsane o lebogile Rre Motingwa go menaganye go bo a bone go le botlhokwa go gopola bana ba sekole mo nakong e e thata ya mogare wa corona. O kaile fa se se dirilweng ke Rre Motingwa e le thuto mo ng le mongwe. Ka jalo a ne a gwetlhega le ene a itlama go rekela bana dithiba melomo le dinko. Rre Mooketsane o supile gape gore o solofela fa se se tlaa kgotlhatsa bana gore ba dire sentle mo dithutong. O kopile banni ba Lejwana go ititaya ka thupana a ba kgothatsa gore le bone ba nne le mowa wa lerato wa go aba. A re go botlhokwa gore motse o tume ka dilo tse dintle. A re seo se ka diragala fela ka seabe sa bone, jaaka go thusa ba ba kobo di khutswane.
society
9
Tsayang dithuto ka tlhwaafalo - Makgalemele
Banni ba Dibete ba kgothaditswe go tsaya dithuto tsa lenaneo le le rudisang itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP) ka tlhwaafalo. Mafoko a, a builwe ke mothusa tona wa lephata la merero ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Dikgang Makgalemele, kwa thuto puisanong ka lenaneo la ESP le go tlhama ditiro kwa Dibete ka mafelo a beke. Rre Makgalemele a re batsaya karolo mo dithutong tse ba tshwanetse go di tsaya tsia, ba ikiteye ka thupana gore ba tle ba kgone go akola ESP. A re maikaelelo a puso ke go tlhabolola matshelo a batho ke ka moo e dirileng lenaneo le gore ka lone Batswana ba itlhamele ditiro ka go simolodisa dikgwebo tse ka tsone gape ba ka tlhabololang lefatshe gammogo le matshelo le metse ya bone. O kopile kgaolo ya Shoshong go itlama go tsaya dikgwebo ka tlhwaafalo mme ba busetse serodumo se kgaolo ya bone e neng e itsege ka sone. O ne a tlhalosa gore le ene o eletsa go bona go na le banana kgotsa banni mo metseng ya kgaolo ya gagwe ba tsweletse pele ka go simolola dikgwebo tse ka tsone ba ka kgonang go thapa ba bangwe go fokotsa lehuma mo kgaolong. Rre Makgalemele a re maikaelelo a thuto seka dipuisano e, ke go rotloetsa banni go simolola dikgwebo, go tsisa bagwebi mo kgaolong le go tlhabolola matshelo a batho ka go akola mananeo a puso e a dirang go leka go rudisa itsholelo. A re maikaelelo gape ke go tsisa bagwebi ba bagolwane, maphata a puso a a farologaneng go tla go rutuntsha le go rotloetsa banni go tsaya malebela le go kgothala go ka dira dikgwebo. O ne a tlhalosa gore motse wa Dibete ke mongwe wa metse e e ka ba solegelang molemo thata e le banni ba kgaolo ka o le mo tseleng ya A1 gape o le gaufi le seporo ka jalo ba ka dirisa se, go itlhabolola ka ba ka se sokole go rekisa dithoto tsa bone. O ne a ba kgothatsa go nna le leitlho le le nchocho, ditlhaloganyo tse di bulegileng gore ba ka dirang gore ba akole dilo tsotlhe ka e bile ba tlaa bo ba thusa le lefatshe go tsosolosa itsholelo ka kakaretso. Fa a tswa la gagwe, modiredi go tswa kwa lephateng la theko le thekiso la Local Authority Procument and Asset Disposal Mme Priscilla Wadipepa, o ne a tlhatlhelela batsaya karolo mo thuto puisanong eo ka fa dithendara di tsamaisiwang ka teng. Mme Wadipeba a re dikgwebo ka bontsi fa di batla go dirisiwa ke puso go dira ditiro ba tshwanetse go sala morago tsotlhe tse di tlhokafalang, ba tlatse difomo ka fa tshwanelong. A re fa ba sena go dira jalo go na le komiti e ka yone e sekasekang gore a baikopedi botlhe ba tsentse tse di tlhokafalang, a tlatsa ka gore ga go ope yo o kgonang go ganwa ke thendera a sa tsenya sepe se se neng se sa kopiwa kwa tshimologong. Mme Wadipeba o ne a ba kopa gore bone e bile ba le mo metseng e mebotlana ba tshwanetse go tsaya lenaneo le la ESP ka tlhwaafalo ka e bile le itebagantse thata le bagwebi ba ba botlana mme ka jalo ba ka se batliwe sepe se sentsi. O ne a ba rotloetsa go simolola dikgwebo gore ba tle ba akole lenaneo le gore ere le fela ka ngwaga wa 2019 ba bo ba le akotse ba le bantsi. A re ba berekela mo nakong, mme ba nne tlhaga go le dirisa ka e bile ba ka kgona gape le go inamola mo lehumeng. Mme Wadipeba o ne a tlhalosa gape gore fa bagwebi ba setse ba ikopetse ditirelo ba sekasekwa ka go tshwana mme le fa o sa kgona go tswa sentle o lemotshiwa diphoso tsa gago gore e re nako e e tlang o seka wa boelela diphoso tse mme le wena o akole nako nngwe. A re maikaelelo a puso ke gore mongwe le mongwe a itse diphoso tsa gagwe, a tlatsa ka gore kgwetlho e tona e ba kopanang le yone ke gore baikopedi ba le bantsi ga ba kwale diaterese sentle mme makwalo a bone a felela a boile kwa posong. Fa a bua ka lenaneo la ESP mogolwane go tswa kwa ofising e e itebagantseng thata le lenaneo le, Mme Maty Moatshe o ne a tlhalosa gore lenaneo le le bogadi bo gaufi go tsosolosa itsholelo ka jalo ba ikiteye ka thupana go ka itshimolela dikgwebo gore ba tle ba le akole. Mme Moatshe a re puso e lemogile gore temo-thuo, bojanala le madirelo ke tsone tse thata di ka tsisang maduo a a bonalang ka jalo puso e di beile kwa pele gore e nne tsone tse e ka kgonang go tsosolosa itsholelo ka tsone le go tlhabolola matshelo a batho. A re maphata ka go farologana le a e seng a puso tota a eme ka dinao go bona gore ba ka dirang gore itsholelo ya lefatshe leno e tokafale. O ne a ba rotloetsa go ema ka dinao go bona gore ba dirisa lenaneo le ka le na le dingwaga di le tharo fela.
education
4
Kgosi ya Shakawe e rotloetsa tshwaragano
Banni ba Shakawe mo kgaolong potlana ya Okavango ba dumalane ka bongwe fela jwa pelo go emisa go kgaogana ka dikgotlana fa go ketekwa moletlo wa boipuso go itsa kgaogano ya morafe mo motseng wa bone. Kgosi Kea Lempadi o boletse mo phuthegong ya kgotla ya go baakanyetsa moletlo wa boipuso bosheng gore thulaganyo e e ntseng e le teng ya go kgaoganya banni ka dikgotlana tsa bone ka nako ya fa go ketekwa meletlo ya boipuso e kgaoganya morafe go na le go o bopaganya. A re jaaka puso e dirile maiteko a go bopaganya merafe ya lefatshe leno go nna tshaba ele nngwe fela, go botlhokwa go sala morago thulaganyo eo go tsholetsa serodumo sa lefatshe leno. O tsweletse a re ga se gore o nyatsa dikgotlana tsa morafe ka di tlhomilwe ka maikaelelo a go letlanya morafe mo boemong jwa kgotla e tona, mme fela merero e tshwana le ya boipuso e tshwanelwa ke go tshwarelwa mo kgotleng e tona. Rre Keheletswe Samakena o tlhalositse fa thulaganyo ya pele ya go kgaoganya morafe ka dikgotlana tsa bone ka nako ya meletlo ya boipuso e ne e direlwa bangwe ba ba neng ba sa kgone go goroga kwa kgotleng e tona go akarediwa bagodi le balwetse. Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Lesedi Boy o gateletse botlhokwa jwa gore morafe o baakanyetse moletlo wa boipuso jwa monongwaga ka ele matlhagolela tsela a jwa masome a matlhano ka 2016. Rre Boy a re monongwaga, kgaolo ya bone e segofaditswe ka P294 400 go jesa palo ya batho ba le 58 880 ka letsatsi la boipuso, mme motse wa Shakawe o filwe P33 375 jalo a kopa banni ba kgaolo eo go tsaya tsia meletlo ya monongwaga gore e atlege. E re dikgang di eme jalo, modulasetilo wa komiti ya boipuso kwa Gumare, Rre Kebonyemotse Thapi o boletse fa dipaakanyo di tsweletse sentle. A re boipuso jwa ngwaga eno bo faphegile go tsamaelana le dithulaganyo tsa jone tse di tla a simololang kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome mabedi le borataro ka dikgaisano tsa mabelo a dipitse, a bagolo, mmino ya setso go akarediwa ya kharakhara, sevukiviki le mawayawaya go fitlhelela ka letsatsi la boipuso. O kopile banni ba motse wa Gumare go ipaakanyetsa moletlo oo ka a re monate o a itirelwa mme a tlhalosa fa metsana ya Eretsha, Kajaja, Mowana le Nxamasere le gone dipaakanyo di tsweletse sentle. Le fa gontse jalo, modulasetilo wa komiti e e rulaganyetsang dikgaisano tsa rabontle le mma bontle wa kgaolo ya Okavango, Mme Keneilwe Seidisa a re bomme ba le lesome le borre ba le batlhano ba ba tshotsweng ka 1966 ba ikwadiseditse go tla go tsenelela dikgaisanyo tseo. O boletse fa dipalo tseo di kwa tlase thata fa go lebilwe dipalo tsa banni ba kgaolo eo, mme a tlhalosa gore gongwe batho ba ba tshotsweng ka ngwaga oo ke bone ba seyong mo kgaolong. BOKHUTLO
politics
7
Tshwaragano ga e yo kwa Matopi
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Motopi a re o tshwenngwa thata ke gore badirelapuso ga ba kgone go bereka ba tshwaraganye le boeteledipele jwa motse. Mme Baemedi Makgetho o buile jalo mo phuthegong ya kgotla ka Labotlhano e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Boteti Bokone Rre Slumber Tsogwane. Mme Makgetho are seemo seo se dirwa ke go phuthama ga komiti ya babereki ya Village Extension Team (VET). A re go tlhoka komiti ya VET go dira gore VDC e seka ya kgona go itse mathata a maphata le dikolo tse di mo motseng wa Motopi le gone go di begela boeteledipele jaaka mopalamente mo diphuthegong tsa kgotla. Mme Makgetho o tsweletse a supa gore dikomiti tse dingwe tse di motseng le tsone di tlhoka go rutuntshiwa fela jaaka ya VDC gore di kgone go dira tiro ya tsone ka botswerere. O tlhalositse gore dikomiti mo motseng jaaka ya balemi barui (farmers committee), ya botsogo le tse dingwe di tlhoka go rutuntshiwa gore di kgone go itebaganya le mathata a tshwenyang mo motseng le gone go nna ba ruta morafe. Modulasetilo wa VDC o ne a supa gape gore o tshwenngwa ke go bona ditiro dingwe di tsweletse mo motseng le fa maphata a romilwe go di dira a sa rerise komiti ya ditlhabololo. A re seemo seo se a tshwenya ka gore boikarabelo jwa go tlhokomela ditiro tsa go nna jalo bo sala le komiti ya VDC le Kgosi. A re nngwe ya ditiro tse di dirilweng ntle morero ke go agiwa ga matlo a batho ba ba neng ba senyeditswe bonno ke dipula ka gore a dirilwe a bo a wediwa ba sa rerisiwe ka jalo beng ba one ba setse ba tlisitse dingongorego kwa go bone. Kgosi Baletanye Kelewendo le ene o supile fa motse wa gagwe o na le lobaka o sena modiredi wa ofisi ya boipelego ka jalo morafe o sa kgone go fiwa ditlamelo jaaka go tshwanetse. Kgosi Kelewendo are modiredi wa ofisi ya boipelego o botlhokwa thata ka gore o thusa gore matshelo a ba ba tlhokang a kgone go tswelela. Mopalamente Tsogwane le ene o gateletse botlhokwa jwa gore motse o nne le modiredi wa boipelego are go tla thusa thata gore batho ba fiwe thuso le dikgakololo tsa go itirela dikgwebo tse di potlana ba itirela ka diatla gore ba kgone go ikinola mo lehumeng. Rre Tsogwane are bodiredi jwa maphata le jone bo tshwanetse go lomaganya le komiti ya VDC le bogogi jwa motse gore morafe o kgone go thusiwa sentle. Mopalamente Tsogwane o supile gape gore dikomiti tse di mo motseng ka go farologana di na le maphata a di berekang le one jaaka la botsogo le la temo thuo ka jalo ba tshwanetse ba tsaa boikarabelo jwa go rutuntsha maloko a tsone gore a kgone go thus morafe ka botlalo.
politics
7
Monnakgotla o kopa dikgosi go gasa molaetsa
Mopalamente wa Kgalagadi Bokone, Mme Talita Monnakgotla, o gwetlhile baeteledipele ba Lokgwabe le Tshane go tsibosa morafe ka seemo sa tshoganyetso ka jaana ditirelo di le dintsi di tlaa amega. O buile jalo kwa bokopanong le baeteledipele ba metse eo bosheng. O ne a ba gwetlha go rutuntsha banni ba metse ya bone ka go ema kgatlhanong le kanamo ya mogare wa corona. Mopalamente Monnakgotla a re baeteledipele le banni ba tshwanetse go tshwaraganela go lwantsha kanamo ya segajajana le puso. Mme Monnakgotla o ne a lebogela maiteko a puso a go leka go laola kanamo ya mogare o, mme a rotloetsa setshaba go obamela ditaelo tsa ba botsogo ka go tlhapa matsogo ka molora le metsi a a phepa kgapetsa kgapetsa le go fokotsa metsamao mo mafelong a a farologanyeng. Mogokaganyi wa tsa botsogo kwa kgaolong eo, Mme Kgomotso Moruisi, o ne a supa fa maiteko a go itepatepanya le seemo mo kgaolong a tsweletse. A re ba tsere tshwetso ya gore go simolola mo kgweding e e sa tswang go ya fifing ya Mopitlo go fitlha ka Moranang a le lesome, ditlhopha tsa ba botsogo di phatlaladiwe le metse go ruta ka COVID-19. Mme Moruisi o ne a supa gape fa ba sikile mafelo a le mabedi a a faphegileng mo kgaolong a a akaretsang kokelwana ya Moselebe kwa Hukuntsi le sekolo sa Botswana Open University kwa Kang go amogela batho ba ba beelwang kwa thoko go tlhatlhobiwa. O ne a tlhalosa fa mo kgaolong eo, ba ise ba gatise dikgang dipe mme a supa fa ba na le batho ba ferabobedi ba ba itlhaotseng mo setshabeng morago ga gore ba etele kwa mafatsheng a a neng a na le dikgang tsa bolwetse jo. Mo go tse dingwe, Mme Moruisi a re ba tsamaya le kgaolo go buisanya le magosi, maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse, baruti le bagolwane ba bangwe ba metse. Fa a tswa la gagwe, molaodi wa kgaolo potlana ya Hukuntsi, Mme Segomotso Nkwane, o ne a gwetlha bogogi jwa metse go tshwaraganela tiro e le puso go anamisa molaetsa kwa merafeng ya bone. Mme Nkwane a re tshwaragano eo, e tlaa thusa puso go falola manokonoko a a tseneletseng. O ne a ba itsise gape fa puso e butse matlole le dibanka gore setshaba se latlhele dithuso tsa madi mme a re dithuso tse eseng tsa madi tsone, ba ka di rolela ofisi ya ga molaodi mo kgaolong. BOKHUTLO
politics
7
Banni ga ba tlotle kgotla
Bogosi jwa motse wa Metsimotlhabe mo kgaolong ya Kweneng ga bo itumedisiwe ke go tlhoka go tsena phuthego tsa kgotla ke banni. Fa a bua mo puisanong bosheng, mothusa kgosi wa motse oo, Rre Maganelo Mmipi a re ka Setswana kgotla ke lefelo le le nang le seriti mme kwa Metsimotlhabe ga e tsewe ka tlhwaafalo. Mothusa kgosi a re o tshwentswe ke seemo se, a bolela fa go utlwisa botlhoko go bona morafe bogolo jang bagolo ba sa tsene phuthego tsa kgotla. O supile gore le fa gone bagolo ba sa ye kwa diphuthegong banana bone ba iteka fela thata. Go ya ka mothusa kgosi le fa dikgosana di bitsa phuthego ka dikgotlana ga go nne le tema. A re kgotla ke motheo le modi wa ditiragalo tsotlhe tse di amang morafe gonne go anamisiwa ditiro tsa ditlhabololo tsa motse gammogo le mananeo a puso teng. O kgadile a sa kgwe mathe mokgwa o gonne o bolela fa o baya motse ka fa mosing. A re tshwaragano fa gare ga morafe le bogosi e botlhokwa mme e bile motse ga o kake wa tlhabologa fa morafe o sa tsene phuthego tsa kgotla. Rre Mmipi a re go tlhoka go tsaya kgotla ka tlhoafalo ga bagolo go ka nna le seabe mo kgodisong ya banana bogolo jang ka tsa ngwao le botlhokwa jwa kgotla. A re ke matlhabisa ditlhong go bona bagolo ba sa supegetse bana tsela, a supa fa bagolo ba ka bo e le bone sekai mo bananeng. Kgosi Mmipi a re o kopa bagolo go emisa mokgwa oo mme ba fe kgotla seriti ka go e etela nako tsotlhe fa go na le pitso. O supile fa morafe o bonala fela fa go na le diphuthego tsa badirela puso kgotsa matona a puso ba etetse motse mme ba kgaphela tsa bogosi kwa thoko. O tsweletse a re ga a itumelele seabe sa morafe wa Metsimotlhabe ka ba itlhokomolosa boleng jwa kgotla. A re batho ba tlhaloganye gore seriti sa Motswana ke ngwao mme bogosi jone ke pinagare ya morafe ke ka moo mo ngwaong ya Setswana go na le kgotla. BOKHUTLO
politics
7
Merogo e tlodisa monana melatswana
E rile go wetseng dithuto tsa gagwe, monana Luka Rapson a leka go batla tiro mme a itaya sefololetse. A re o ne a seka a tsaya letlhoko la tiro e le seipato mo go tsweleleng pele ga botshelo jwa gagwe, ka jaana a ne a itse ka tlhomamo go na le ditsela di le mmalwa tse ka tsone a ka itepatepanyang le tsone go ipetlela bokamoso. O bolela gore e rile morago ga moo, o ne a tlelwa ke mogopolo wa go tshela ka mowa wa bopielego, mme ke fa a tsaya temo ya merogo e e neng e dirwa ke rragwe, Rre Kapena Rapson ka tlhwaafalo. Temo e ya merogo,e ne e le yone e tshetsang ba lelwapa la bone ka kakaretso. “Nna ke godiseditswe mo lwapeng la botsadi jo bo neng bo tumile mo mererong ya tsa temo-thuo, ka jalo ke ne ka bona go le maleba go nna tsala e e gaufi le ntate gore a ntlhatlhelele maele le botsipa jo bo tseneletseng jwa go lema merogo,” ga tlhalosa jalo Rre Luka. O tlhalosa fa rragwe le ene a ne a lemoga maikaelelo le lenyora la ngwana wa gagwe go dira temo ya merogo e le seikokotlelo sa gagwe sa botshelo. Mme o ne a seka a mo itsapela, a mo dira tshipidi tonto go fitlhela a itse ka tse di tlhokegang mo go lemeng merogo. O bolela fa go tloga foo, go lema le go rekisa merogo ka go farologana e ne ya nna tiro ya bone ya tsatsi le letsatsi, mme e bile theko e ne e le e e nametsang. Rre Rapson a re ka 2013, rraagwe o ne a mo rolela marapo go tsweledisa kgwebo ya bone, ka bogodi bo ne bo itelekela a sa tlhole a kgona jaaka pele. O bolela fa rragwe mo nakong eno, a le dingwaga tse di masome marataro le borataro. O tsweletse a supa fa e sale rraagwe a mo rolela marapo, a ne a itoma molomo wa tlase go ntsha maduo gore a seka a swabisa ene rraagwe yo a mo kwata bololetseng botsipa. Mogwebi yo, o tlhalositse fa kgwebo e e tsweletse sentle, ka e mo thusa go bona letseno le ka lone a le dirisang go tlamela ba lwapa la gagwe mme e bile a paka fa e fetotse botshelo jwa gagwe go menagane. “Ke setse ke kgonne go ithekela dikoloi tse pedi, mme e bile ke dirile ditlhabololo mo tshimong e jaaka go gokela motlakase,”a bolela jalo. Monana yo o tlhalosa fa go atlega ga gagwe e le go bo a ne a eteletsa lerato, bopelotelele, boineelo le gone go dira ka botswapelo mo kgwebong ya gagwe. A re gape o ne a na le thotoetso e e nitameng go tsweng mo botsading jwa gagwe. Ka jalo o rotloetsa banana ka ene go gwetlhega go nna le lerato, maikaelelo le maitlamo mo go sepe se ba eletsang go se dira go itshetsa. A re banana fa ba eletsa go tsena mo kgwebong epe fela, ba kgothale go inaakanya pele le bagwebi ba kgwebo ya go nna jalo gore ba ba abele dikitso le maele. O gatelela fa dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. A re le ntswa a kwataboloditse mo go rraagwe, o ntse o tsweletse ka go kopa thuso mo bagakeng ba balemi ba merogo jaaka Rre Andrew Ncube wa Shashemoke. Rre Rapson o pakile gore fa temo-thuo e ka tsewa ka tlhoafalo e ka nna le bokgoni go namola Batswana ka kakaretso mo lehumeng le le tseneletseng. A re temo thuo e ka thusa go bula diphatlha tsa ditiro, a re ene o setse a thapile badiri ba le batlhano, mme e bile a na le maikaelelo gore a atolose kgwebo ya gagwe gore a tle a kgone go ooketsa badiri. O bile a tswelela a gwetlha banana lefatshe ka bophara, go tlogela mowa wa gore temo thuo e a berekisa e na le dikgwetlho. O tlhalosa gore fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho, temo-thuo le yone e na le tsa yone. Mme o supile gore fa motho a na le maitlamo le maikaelelo a go nna mogwebi wa tlhwatlhwa, o tshwanetse go ikemisetsa dikgwetlho dipe fela tse di ka tlhagogang go sa kgathelesege gore di bokete bo kae. Rre Luka a re ke nako gore banana ba ikemele ka dinao, go netefatsa gore bokamoso jwa bone e nna jo bo faphegileng. Tshimo ya ga Rre Luka e kwa Shashemoke go bapa le noka ya Shashe, e a dirisang metsi a yone go nosetsa. O lema spinach, rape, carrots, kwii le green pepper ga reng ga merogo e mengwe. A re o rekisetsa Batswana ka bongwe ka bongwe, bagwebi ba ba botlana ga mmogo le marekisetso a Choppies, Shoprite le Spar kwa Francistown. Ends
economy_business_and_finance
3
Ditshupo tsa Lentsweletau di goga ka thata
Mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse, o kgothaditse dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse e e gaisitseng e mengwe ka bophepha go dirisa madi a ba a gapileng mo dikgaisanyong go reka di dirisiwa tse di phepafatsang. O buile se, fa a ne a abela metse ya Moreomabele, Gojwane, Serule le Topisi dimpho ka go latelana ga yone mo bophepeng. Moletlo wa kabo dietsele o ne o tshwaretswe kwa wa Gojwane bosheng. Rre Autlwetse, yo e bileng e le morotloetsi mogolo wa dikgaisano tsa bophepa tsa kgaolo ya gagwe, a re maikaelelo a go simolodisa dikgaisanyo tse ke go tiisa dikomiti tsa ditlhabololo moko. O ne a supa fa a ne a rolela khansele potlana ya Tonota le ya Palapye mogopolo wa gagwe ka e le bone ba itebagantseng le go tlhokomela tikologo e bile ba na le bomaitseanape ba ba rutetsweng tiro ya tsa tikologo. Rre Autlwetse o ne a supa fa a tshwaraganetse tiro e le World Group of Companies ba a tswang kgakala a ntse a thusana le bone go tlhabolola matshelo a batho ba kgaolo ya gagwe. Moreomabele o o gapileng maemo a ntlha o ne wa abelwa P4000, setlankana le kopi, o longwa serota ke Gojwane go ikgapela P3000 fa Serule a le mo maemong a boraro mme wa tswa ka P2000 fa Topisi a gapile P1000. Ditlhopha tsa mmino wa Setswana, bodiragatsi jwa motshameko le khwaere ba ne ba abelwa makgolo a marataro bangwe le bangwe, mmoki a ne a fiwa madi makgolo a mane a dipula. Kgosi Oagile Ketlhaetse wa Gojwane o ne a supa fa bophepa e le selo se motho a tshwanetseng go tshela naso ka nako tsotlhe. Kgosi Ketlhaetse a re tikologo e e phepa e rotloetsa boitekanelo le botsogo jo bo siameng ka leswe le sa siamela botsogo jwa motho, o ne a supa fa a tshwentswe ke matlotla a a tletseng mo motseng ka a sena batlhokomedi. E rile a tlhalosa maikaelelo a letsatsi mokwaledi wa ga tona Rre Tinabo Chabaesele a re tikologo e tshwanetse go nna e e phepa ka nako tsotlhe go hema malwetse. Rre Chabaesele o ne a gwetlha banni ba metse eo go tsaa maikarabelo a go bona gore tikologo e mo seemong se se kgathisang ka seo se ka ngoka bagwebi, mme seo se ba tlhamela mebereko mo metseng ya bone. Mokwaledi o ne a supa fa maikaelelo magolo a dikgaisano tsa metse e le go rotloetsa botsalano le tshwaragano ya batho ba dikgaolo tseo.
environment
5
Kgatleng Business Council e kgala thekiso ya lefatshe
Boeteledipele jwa mokgatlho wa Kgatleng Business Council bo kgala thekiso ya ditsha tsa kgwebo, bonno le ditshimo mo go diragalang mo kgaolong. Ba buile jaana mo bokopanong jwa go lekodisana le go buisana ka kabo ya madi a setshaba ya 2019/2020 bosheng. E rile a akgela mongwe wa basimolodi ba mokgatlho oo, Mme Oreeditse Pone a re go ngomola pelo go bona banana ba ba tlogeletsweng boswa jwa lefatshe ba fantisa lefatshe kana dithoto di tshwana le dikoloi. Mme Pone a re ba a amega ka jaana lefatshe leo le neelwa batswakwa, selo se a kaileng se busetsa bogwebi jwa Kgatleng kwa morago ka jaanong bo eteletswe pele le go busiwa ke batswakwa ba ba gwebang ka dilo tse di kabong di dirwa ke beng gae. A re mokgwa wa go rekisa lefatshe ke sesupo sa go tlhoka tebelopele, e bile ke sesupo sa gore batho ba go nna jalo ba ipiletsa lehuma le tshotlego gammogo le go diga itsholelo le dikgwebo tsa beng gae. A re banana ba ba tlogetsweng ka dikgwebo kana lefatshe ba ka ikopanya le mokgatlho go kopa dikgakololo tsa go tsosolosa dikgwebo tseo kana go dirisa lefatshe la bone botoka go na le go sianela go le rekisa. Mme Pone o ne a tlhalosa fa puso le yone e le teng go neneketsa ba ba tlhokang thuso, segolo jang mananeo a bogwebi a a itebagantseng le go thusa banana. E rile a ba kgwa kgaba, Mokhanselara David Motlhatlhedi a re khansele e lela gape ka leruo le le bolawang ke dikoloi mo ditseleng. A re thuo le yone ke kgwebo e e ka tswelang ba le batsi mosola, ka jalo a gwetlha setshaba go tsaya kgato go dibela leruo. Mo go tse dingwe, Rre Motlhatlhedi o ne a akgola maiteko a ba Kgatleng Business Council segolo thata mo go tlhabololeng. Ka jalo o ne a gwetlha boeteledipele go tlhatlhelela bagwebi ba banana ka tsa go dirisa madi. A re ba itemogetse fa bontsi bo palelwa ke go dirisa madi a kgwebo sentle; e bile ba tshabelelwa ke go tlogela ditiro di sa wela, selo se a kaileng se senya le go busetsa maiteko a khansele kwa morago...
economy_business_and_finance
3
Thuto ke kgatsi ya tsie
Batsadi kwa Poloka mo kgaolong ya Shoshong ba kgothaditswe go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana gore ba kgone go bona maduo a a itumedisang. Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela maduo a a itumedisang a lekwalo la bosupa a ngogola, mokwaledi mogolo wa ga tautona, Brigadier George Tlhalerwa a re ope fela yo o mo maemong a rileng, fa a ne a sa ela thuto tlhoko o ka bo a se mo go one mo nakong eno. Brigadier Tlhalerwa o boletse fa go le botlhokwa gore bana ba tseye thuto tsia mme segolo bogolo a rotloetsa batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone. A re seabe sa motsadi se botlhokwa mo go rutegeng ga ngwana ka gonne fa motsadi a sa kgatlhegele thuto ya ngwana wa gagwe ga go na sepe se se molemo se se ka tswang mo moithuting yoo. Brigadier Tlhalerwa a re thuto e botlhokwa thata mo botshelong jwa segompieno go sa kgathalesege gore motho o dira kae. O boletse gore le badisa tota ba tshwanetse ba bo ba itse maina a mekento jalo go solofelwa gore ba bo ba badile go ka farologanya melemo eo. A re go tsena sekolo go fa motho lesedi la gore motho a kgone go itse pharologano fa gare ga bomolemo le bosula. Brigadier Tlhalerwa o akgotse bana ba 2013 go bo ba dirile bontle a re maduo a bone a tsholeditse leina la sekolo le motse mme e bile go supa fa batsadi le barutabana ba tshwaragane. A re e re ka maduo a ngogola a ne a le mantle o solofela gore bana ba ba kwa tlase ba thusiwe gore ba fitlhelele maikemisetso a bone e tle e tsoge e le tshaba e e rutegileng e kgona go itirela. Mo go tse dingwe, Brigadier Tlhalerwa a re le fa ntswa motse wa Poloka o le monnye mme maiteko a one a a bonala. O akgotse badirela puso ba ba kwa motseng oo go bo ba tshwere ka thata go tsisa ditlhabololo mo go one. O kopile banni go mo dirisa mo dikeletsong tsa bone go tlhabolola motse oo. O ithaopile go amogedisa morutabana wa sekolo sa bananyana P500 kgwedi le kgwedi lebaka la ngwaga a ba a abela sekole seo paka ya kgwele ya dinao ga mmogo le dibolo. Sekolo sa Poloka se ne se ipelela maduo a mantle a 2013 mme e bile se ipelela le go amogelwa semmuso ke lelwapa la ga Rre Chatanga Moloi ka lenaneo la Adopt a School. BOKHUTLO
education
4
Tsayang tlhopho ka tlhoafalo – Dr Gobotswang
Maloko a diphathi tse di itshwaragantseng go emela ditlhopho a Umbrella for Democratic Change (UDC) ba gakolotswe go tsaya tlhopho ka tlhoafalo ba e dirisa go dira diphetogo mo matshelong a bone. Kgakololo eo e dirilwe ke mothusa moeteledipele wa phathi ya Botswana Congress (BCP), Dr Kesitegile Gobotswang kwa phuthegong ya sepolotiki ya diphathi tsa magata-mmogo tsa UDC kwa Mahalapye ka Matlhatso. Dr Gobotswang o gakolotse Batswana ba ba dingwaga tse di lesome le boroba bobedi le go feta go dirisa sebaka se ba se filweng go ikwadisetsa ditlhopho. A re ba seka ba tsaya tlhopho matletleisi, ba itse fa e le selo sa botlhokwa mo go kaeleng sepe se se dirwang se itebagantse le go tlhabolola botshelo jwa setho. “Re fano go le rotloetsa go ikwadisetsa ditlhopho. Keletso ke gore Motswana mongwe le mongwe yo o dingwaga di mo letlang go ikwadisa a dire jalo,” ga tlhalosa Dr Gobotswang. E rile a itebaganya le kgang e e amang bokopano jwa UDC a tlhalosa fa e le boammaruri ba aparetswe ke dikgwetlho tse di tlhokang boineelo le bopelotheri jwa maloko le boeteledipele jo bo tsepameng gore di kgone go rarabololwa. “Go bokete, re raletse diemo tse di thata, sefofane sa UDC mo nakong eno se raletse matsubutsubu a diphefo a tlhoka gore mongwe le mongwe a ingangatlele gore seemo seo se kaologe,” a gatelela. Le fa go ntse jaana, boeteledipele bo tlaa tswa ka tharabololo e e tshwanetseng, ga tlhalosa Dr Gobotswang. “Re itse mathata a rona, e bile re bonye tlharabololo ya one. Re le boeteledipele re itse fa re tshwanetse ra tsaya tshwetso e e tla re isang kwa re eletsang go goroga teng,” a tlhalosa. O ne a supa gore diphathi tsa kganetso di lemoga dikgwetlho dingwe tse di tshwenyang mme di kgoreletsa matshelo a Batswana. Dr Gobotswang a re bosheng jaana go nnile le madiadia a go thusa bana ba ba duelelwang thuto ke puso, mme bangwe ba bone ba simolola dithuto morago ga nako, fa madi a itshetso le a dibuka a bana ba ba ithutelang bongaka le one a diegile mme seo sa kgoreletsa thuto ya bone. Mothusa moeteledipele wa Botswana National Front Reverend Dr Prince Dibeela o iteetse moroko mafoko a ga Dr Gobotswang, a supa fa tlhopho e le botlhokwa. “Emisang go tlhopha baemedi ba ba sa le direleng boammaruri,” ga tlhalosa Dr Dibeela, a re phoso e dirwa ke motho e bile e baakanngwa ke motho ka jalo nako e tsile ya go baakanya ka go neela puso phathi ya UDC. “Nako e tsile ya gore Batswana ba rome UDC, e na le mananeo le baeteledipele ba ba nonofileng go tsamaisa meamuso ya lefatshe le, le go diragatsa dikeletso tsa lona go sena pelaelo epe,” a tlhalosa. O supa fa UDC e na le tsamaiso e e tsepameng go thusa Batswana go tokafatsa matshelo, a supa sengwe sa dilo tse di tla dirwang e le go rerisana le morafe go baakanya molao motheo ka go ntsha tsotlhe tse di sa tsamaelaneng le ka fa ba tshelang ka teng. Dr Dibeela a re sengwe sa botlhokwa ke go tokafatsa tsamaiso ya dikgaolo ka go di fa sebaka sa go itirela lenaneo la tiriso ya madi le go oketsa kana go tswakanya metswedi e ka dirang madi mo dikgaolong ka go farologana. O supile gore phathi ya UDC e tlaa tsibogela kopo ya setshaba ya gore bana ba dingwaga tse di kwa tlase ba rutwe pele ka diteme tsa batsadi ba bone gore ba kgone go tlhaloganya ka bofefo le go tshwara se ba se rutwang. “Re itlamile go fa bana thuto jaaka e le tshwanelo, mme ope yoo ka lekang go kgoreletsa lenaneo le o, jaaka batsadi bangwe ba ba ntshang bana mo dikolong ba ba dirisa ditiro tsa bokgoba, o tla tseelwe dikgato ka fa molaong,” ga tlhalosa Dr Dibeela. O ne tswelela a supa gore phathi ya UDC e na le mananeo a ditlhabololo a nonofileng e bile a ikaeletse go isa lefatshe kwa pele. BOKHUTLO
politics
7
Banni ba kgala batho ba ba sa ikemeleng ka dinao
E re le ntswa puso e dule ka mananeo a a fetang dithapo tsa leselo go ka thusa go ntsha Motswana mo lehumeng, go lebega go santse go na le Batswana bangwe ba ba intshitseng bo atlhama ke go jese ba sa ikemele ka dinao go ka dirisa mananeo ao, go tila manokoko a lehuma. Se se kgadilwe ke banni ba Lobatse mo bokopanong le lekgotla le le sa tswang go tlhomiwa bosheng ke Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama. Lekoko le, le raletse lefatshe leno ka bophara go phutha megopolo e e ka thusang go loga lenaneo la tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2036. Fa a akgela morago ga go bewa pele mafoko ke moeteledipele wa lekoko le le neng le buisana le banni ba Lobatse, Rre Master Matlhaope ya gore ba batla Botswana yo o ntseng jang ka ngwaga wa 2036, moeteledipele wa pele wa komiti ya ditlhabololo tsa toropo, Mme Joyce Seleka a re ba eletsa go bona setshaba se se itirelang ba dirisa mananeo a a tlhomilweng ke puso ga mmogo le go tswa ka dikakanyo tse di faphegileng go ka tlhabolola matshelo a bone go na le go baya mo pusong e le nosi e a supileng e ka se kgone go rwala morwalo e le nosi. A re mo ngwageng wa tebelelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2036, Batswana ba tshwanetse gore ba bo ba itlhametse dikompone ka go farologana mme e bile ba kgona go di atolosetsa kwa mebarakeng ya mafatshe a mangwe. A re se se ka thusa go godisa itsholelo ya lefatshe leno. Mo go tse dingwe, Mme Seleka a re ba eletsa go bona Batswana e le tshaba e e tlotlomatsang tumelo ya sekeresete, e a supileng fa e reketla ka ntlha ya go tlhoka neelano gareng ga mekgatlho ya dikereke mo lefatsheng leno. Fa a tswa la gagwe, Rre Elias Rantleru o ne a fetisa mogopolo wa gore boeteledipele jwa lefatshe bo tshwanetse go tsaya maikarabelo ka dilo tsotlhe tse di amang setshaba sa Botswana a tlatsa ka gore ba tshwanetse go kgothatsa setshaba go itirela ka meamuso e lefatshe leno le setseng le na le yone go phekisana le mafatshe a mangwe.BOKHUTLO
society
9
Ditlhopho tsa pele di beetswe Phalane a le lesome le borobabobedi
Lekgotla le le ikemetseng le le tsamaisang ditlhopho la IEC le beile letsatsi la Phalane a le lesome le borobabobedi go nna lone la ditlhopho tse di tla tshwarwang pele ga nako. Mo potsolotsong le bosheng, moanamisa mafoko wa lekgotla leo la IEC, Rre Osupile Maroba, o boletse fa Batswana ba berekelang kwa ntle ga lefatshe leno le bone ba tla nna le sebaka sa go latlhela tlhopho ya bone mo go lone letsatsi le, kwa matlhophelong a farologaneng kwa, South Africa, Australia le China gareng ga a mangwe. A re go latlhela tlhopha pele ga nako go ne go direlwa batho ba ba tlaabong ba theogetse ka nako ya ditlhopho jaaka mapodise le bao ba tlaabong ba tsamaisa ditlhopho kwa matlhophelong. Rre Maroba a re go solofetswe gore Batswana ba le 1 148 ba ba kwadisitsweng ba latlhele tlhopho ya bone mo go lone letsatsi leo, a tlatsa ka gore morago ditalama kana dipampiri tsa tlhopho di tla romelwa mo Botswana kwa di tla balwa le go kgaoganngwang go ya ka dikgaolo tsa botlhophi. A re ditalama di tla balwa fa pele ga baemedi ba diphathi pele di ka fetisetswa kwa dikgaolong tsa tsone tsa botlhophi. A re palo e ntsi ya Batswana b a ba kwa ntle ba kwa South Africa, e yone e nang le matlhophelo a le supa, e bo e latelwa ke Australia ka matlhophelo a le borataro. O kaile fa New Zealand e na le lefelo le le lengwe fela le go tla tlhophelwang kwa go lone, fa China yone e na le a le mabedi mme Malaysia le yone e na le le lengwe. Rre Maroba a re ka nako ya tlhopho, batho ba fiwa talama le sephuthela go tsenya talama mo go sone. Tebang le palo yay a bao ba tlaabong ba thusa go tsamaisa ditlhopho jaaka mapodise le batlhophisi, Rre Maroba a re dipalo ga di ise di tswe ka go sa ntse go tsweletswe ka go tlhomamisa dipalo tsa ba ba tlaabong ba theogetse ka letsatsi la ditlhopho tsa setshaba, Phalane a le masome a mabedi le bone. Bokhutlo
politics
7
Leruo le simolotse go utswiwa bosigo mo masakeng
Mothusa mookaela mapodisi a Sehithwa, Assistant Superintendent Moutlwatsi Ikobeng a re ba tshwenngwa ke bogodu jwa leruo le le tsewang mo masakeng bosigo, jo a reng ga bo a tlwaelesega mo kagolong. Fa a bua mo potsolosong le BOPA bosheng, Assistant Superintendent Ikobeng a re magodu a simolotse mokgwa wa go tsenelela leruo mo masakeng bosigo go robetswe ba bo ba le olela mo dikoloing. O ne a kaya fa bo setse bo tsaya phekelo e sele ka jaana magodu ao a kgona go olela lesaka lotlhe mo barui ba salang fela ba itshopere. A re gantsi ba utswa dihutshane. Mothusa mookamela mapodisi a re ba lemogile gore magodu a go nna jalo gantsi ba tsenelela masaka a a agwang kgakalanyana le matlo a borobalo, a re leruo le go senang dintsa tse di disang ke lone gantsi le utswiwang. A re le fa ba leka bojotlhe go lwantsha bogodu jwa leruo jo bo sa ba robatseng mo kgaolong, ba tshwenngwa ke bangongoregi ba ba tshololang dikgang tsa go nna jalo. A re seo se a ba tshwenya ka se ka ba itsa go lwantsha bogodu jwa leruo jo bo tlhasetseng lefatshe ka bophara. A re bangongoregi ba begela mapodisi fa ba senyeditswe mme morago ba tsholole kgang. A re bangongregi ba kopana le babelaelwa kwa bothokong mme morago ba supe fa ba itshwarelanye. O tlhalositse fa mokgwa oo, o dira gore modira molato a tswelele ka molato oo, a supa fa bangwe ba tswa ka methale e mesha gore ba seka ba tshwarwa. O ne a kopa barui go bereka le mapodisi mo ntweng kgatlhanong le bogodu jwa leruo. A re go tsholola dikgang e gakatsa bogodu ka gore ope yo o dirang molato a bo a sa otlhaiwe go se motlhofo gore a latlhe mokgwa oo wa gagwe. O tlhalosa gore gantsi batho ba ba otlhaiwang kana ba tsena mo kgolegelong ba latlha mekgawa ya bone mme ba nne batho ba basha. O gakolotse barui go aga masaka a bone gaufi le matlo a ba robalang mo go one gore fa magodu a tsena mo masakeng ba kgone go lemoga ka bonako. A re dintsa tse di ruelwang mo dipoding le tsone di botlhokwa ka di ka kganela magodu kana tsa lemotsha morui fa di tlhasetswe ke magodu ka go bogola. BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
Ba kopiwa go kwadisa ditsha
Leloko la khuduthamaga ya lekgotla le lebotlana la kabo ditsha la Kanye, Mme Maduo Osupeng o kopile banni ba Lotlhakane East go kwadisa ditsha tsa bone gore ba di sireletse le go nna le ditlankana. Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla, Mme Osupeng oo boletse fa go na le ditsha di le 1 103 mo motseng o tse di sa kwadisiwang. A re labofelo ba baya ditsha ke ka 2015 ba baya batho ba ba sa bolong go ikopela ka 2004. Mme Osupeng a re ba tsweletse ka go kwadisa Batswana ba ba nang le masimo gore le bone ba bone ditlankana. O ne a tlatsa ka go re go na le dikopo tsa ditsha di le 6 811 kwa motseng oo. A re tiego ya go sega ditsha e dirwa ke mabaka a a farologanyeng jaaka tlhaelo ya madi mme a kopa banni go nna pelotelele. A re fa motho a na le setsha sa bonno, o tshwanetse a bo a se tlhabolotse mo dingwageng tse tlhano, masimo one tse tharo fa wa kgwebo ene a neelwa ngwaga fela gore le ene abo a tlhabolotse. Ka jalo o ne a gakolola banni ba ba santseng ba saletse kwa morago go tlhabolola ditsha tsa bone. Mo go tse dingwe, o ne a bolela fa ba tshwentswe ke bomaipayafela mo metseng ka go farologana, ka jalo a tlhagisa fa yo o fitlhelwang a sa bewa ka fa molaong a tlaa atlholwa P10 000. Fa ba tswa la bone, banni ba ne ba ngongoregela gore ba sale ba kwadisitse ditsha tsa bone mme ga ba ise ba neelwe dinomoro tsa bone tsa ditsha. Ba ne ba ngongoregela gape gore go tsaya lebaka go bona ditsha mme e re ba sena go di neelwa, ba fiwe nako e khutshwane go di tlhabolola, ka jalo ba ne ba kopa puso go sekaseka kgang e. Mongwe wa banni, Rre Justice Mashana o ne a re o tshwentswe ke matlotla a a tletseng mo motseng. A re magodu a iphitlha mo teng. BOKHUTLO
society
9
Ba Ghabamocha ba lela ka bogodu ja leruo
Banni ba motsana wa Ghabamocha gaufi le Shorobe kwa Bokone Bophirima ba tlhalositse fa ba tshwenngwa ke bogodu jwa leruo jo ba reng bo golela pele mo kgaolong ya bone. Banni ba tlhaloseditse mopalamente wa Maun Bophirima Rre Goretetse Kekgonegile ka Labobedi fa a ile go lekola motsana wa bone, fa ba setse ba dule bahumanegi ka ntlha ya magodu a a fetsang leruo la bone. Mongwe wa banni, Mme Kebotse Sakoi o tlhalositse fa magodu a kgona go direla badisa matshosetsi e bile a re ene o latlhegetswe ke dikgomo tse thataro ka ntlha ya bogodu. Rre Mphoyamodimo Mambukushu o gakolotse gore ditsamaiso tsa leruo di fetolwe, di dirwe ke ba bogosi jaaka thekiso le tsamaiso ya mahudiso, a re gongwe seo se ka thusa go sireletsa barui. Mopalamente Kekgonegile o ne a gakolola banni go ipopa setlhopha le go itshwaraganya le ba molao go buisanya ka fa ba ka thusanang ka teng go lwantsha bogodu jwa leruo le gone go sekaseka gore a ba ka thusiwa ka lenaneo la KgomoKhumo. Fa a bua ka matlhabelo a Botswana Meat Commission, Rre Kekgonegile a re keletso ke gore BMC e fetole tsamaiso ya yone gore e reke dikgomo tse di sa golang thata ka tlhwatlhwa ya tse ditona ya nako eno. A re seo, se ka thusa barui go boloka madi a go godisa leruo le go nna le dipoelo tse di botoka. Mo go tsa temo, mopalamente o ne a gakolola banni go sekaseka ditsela tsa temo di tshwana le go lema e le ditlhopha. O ne a ba gwetlha go tsaya temo-thuo ka tlhoafalo. A re bolwetse jwa COVID-19 bo supile fa go le botlhokwa gore lefatshe le itirele dijo le bo le ijese ka go ne go na le tlhaelo ya dijo dingwe ka nako ya kiletso motsamao. Le fa go ntse jalo, Rre Kekgonegile are banni ba Gabamocha gore ba tswelele ka go itlhokomela kgatlhanong le go ka tsenwa ke bolwetse joo, a re ba tswelele ka go tlhapa diatla le go katologana.
crime_law_and_justice
1
Lobatse o ipelela tebelopele ya setshaba
Go botlhokwa gore jaaka Batswana ba gorogile kwa ngwageng wa 2016 ba ipelele matshego a ponelopele le go sekaseka gore ba e kgonne go le kae. Ka jalo, banni ba Lobatse e ne ya re ka bosheng ba bo ba kgobokane kwa kgotleng ya Peleng go ipelela lengwe la matshego a ponelopele ya 2016 ya go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko, e e siameng e bile e tlhokomela botlhe. Fa a ema batsena moletlo ka lefoko, monni wa Lobatse e bile e le modiri wa pele wa lephata la Botswana Geo-science Institute, Rre Andrew Gondo, o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go kgathala le go tlhokomela, bogolo jang ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ga mmogo le balwetse le bone bagodi tota. Rre Gondo a re se ke sone se agang setshaba go nna se se nitameng. A re go molemo gore e re fa batho ba dira ditiro tsa bopelotlhomogi ba bo ba sa solofele tuelo epe, ba tlhaloganya fa ba direla Modimo. A re jaaka ngwaga wa tebelopele ya Botswana o wela, go botlhokwa gore batho ba eme, ba itshekatsheke ba bone kwa ba tswang teng. Fa a tlhalosa maikaelelo a moletlo o Kgosi Pepukani Makambe wa kgotla ya Motswedi/Thema o ne a re jaaka Botswana a digela dingwaga di le masome matlhano a ntse a ipusa, go botlhokwa go ipelela seo ka botswapelo. Kgosi Makambe a re letshego le ya go nna tshaba e e kutlwelobotlhoko, e siame e bile e kgathala ka batho ke lone fela le supang setho le botho jwa motho. A re ba ba diragatsamg letshego le ke ba ba supang fa ba na le mowa wa setho, ka jaana letshego le, e o rotloetsa. A re le fa ngwaga wa 2016 o ya bokhutlong go botlhokwa gore batho ba tswelele ba tshegeditse letshego le, go supa lorato mo go ba ba tshelang le bone. Go supa fa e le ruri Batswana e le tshaba e tshaba e kutlwelobothoko, e e siameng e bile e tlhokomela botlhe, maphata a a neng a rulagantse tiro e, a akaretsa a Setswana le a dikereke, bo mmaboipelego le dikomiti tsa ditlhabololo a ne a nankola ditiro tse ba di dirileng go supa bobelotlhomogi, mme ba akgolwa.
society
9
Tautona o lekola Batswana kwa eSwatini
Tautona Mokgweetsi Masisi o lekodisitse Batswana ba ba nnang kwa eSwatini fa puso e ikaelela go dira diphetogo dingwe ka bofefo tse di tlaa dirang gore itsholelo e tokafale. A re puso e ikaelela gore e ngoke e bo e amogele babeeletsi go leka ka bojotlhe go tokafatsa seemo sa matshelo a Batswana ka kakaretso. O buile jaana fa a buisa kokoano ya Batswana ba ba neng ba tshologetse go tla go mmona le go botsana matsogo kwa toropong kgolo ya eSwatini, Mbabane bosheng mo loetong lwa gagwe jaaka a tsweletse go ipegela bo tautona ba mafatshe a lwkgotla la borwa jwa Afrika (SADC). Tautona o nnile le sebaka sa go ba itholela le go ba itsese semmuso gore fa a sena go tlhongwa semmuso, o ne a dumelana le ba phathi ya gagabo go tlhoma Rre Slumber Tsogwane go nna mothusi wa gagwe, mme a ikanisiwa semmuso kwa Palamenteng le gore mokwaledi wa gagwe yo mogolwane yo o faphegileng ke Rre Bezark Maphakwane. A re puso e ikaelela go loga maano go leka go tlhama mebereko gore Batswana ba ba sa berekeng le bone mo isagong ba kgone go oba letsogo. Tautona Masisi o boletse fa puso mo nakong e e sa fediseng pelo, e tlaa rerisa Batswana le go tsaya megopolo ka fa go ka tokafadiwang botshelo ka teng. Dingwe tsa dikgang tse a buileng ka tsone ke gore puso e tlaa rerisa Batswana ka go loga maano a gore go tokafadiwe mabaka a gore babeeletsi ba kgone go tlhama mebereko, a bolela fa ba le bantsi ba meletsa Botswana mathe. A re mebereko ga e tlhamiwe ke puso e le nosi, se puso e ka se dirang ke gore ditsetlana dingwe tse di kgoreletsang babeeletsi di tokafadiwe. A re puso e tsere tshwetso ya gore e buisanye ka dikgang tse di tshwenyang Batswana ba le bantsi tse di amang dikgwebo tsa go rekisa bojalwa gore go ka dirwa jang gore bo nowe sentle, matshelo a batho le dithoto di babalesegile. “Re ya go dira se, re sa tswe tshaba ya matagwa. Re tlaa buisana le Batswana ba ba ratang maitiso gore go ka dirwa jang gore ba bine ba gololesegile mme ba sa kgoreletse ba bangwe,” Tautona Masisi a tlhalosa. Tautona o boletse fa puso e ikaelela go buisana ka tse di amang matshelo a diphologolo le batho ba ba nnang kwa dithoteng tsa diphologolo jaaka bokone jwa lefatshe leno. A re puso e tlaa sekaseka gore go ka dirwa jang gore batho ba tshele sentle le diphologolo, di sa ba senyetse e bile di sa tsenye matshelo a bone mo diphatseng ka jaana go nnile le dipego di le dintsi tsa go tlhoka go tshedisana sentle ga diphologolo le batho, segolo bogolo ditlou. “Re le puso re tlaa sekaseka gore jaaka re ntse re emisitse diteseletso tsa letsomo, a ke go bulelwe, mme fa go bulelwa go fokodiwe fa kae, go dira gore dilelo tsa Batswana di fokotsege,” Rre Masisi a supa. Tautona a re melawana ya diteseletso ya tsa pereko e tlaa tlhofofadiwa gore go ngokwe bagwebi ba ba ka tlhamelang Batswana ditiro. Fa a latlhela la gagwe, tona wa tsa mafatshe a sele, Rre Vincent Seretse o rotloeditse Batswana go nna sekao sa Botswana fa ba le mo mafatsheng a sele. A re ba seka ba ithontsha ditshwanelo tsa Botswana jwa bone mo dilong di tshwana le go tsaya karolo mo ditlhophong tsa setshaba. Kgosi Puso wa Batlokwa, yo o neng a le mo lekokong le le neng le patile Tautona, o boletse fa more mogolo go betlwa wa taola. A re Batswana ba ba nnang kwa ntle ga lefatshe ba tshwanetse go nna sekao ka jaana ke bone ba ka supang botho jwa Batswana le go tshegetsa ngwao, e seng go kopisa dingwao tsa ditshaba disele. Moemedi wa Batswana ba ba nnang kwa eSwatini, Mme Semakaleng Mthethwa yo o nyetsweng teng, o boletse fa ba santse ba tsogile mme a supa fa a itumeletse go tlhongwa ga ga Tautona Masisi thata le khudu thamaga ya gagwe. O galaleditse Tautona Masisi le Mme Neo Masisi a re maiteko a go ba lekola ke sekao sa gore o a ba kgathalela. Modiro o, o ne o rulagantswe ke moemedi wa lefatshe la Botswana kwa South Africa le mafatshe a mangwe, Rre Zenene Sinombe. BOKHUTLO
politics
7
Tshireletso o leboga banni
Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso o lebogetse banni ba kgaolo ya gagwe go dira le ene sentle mo ngwageng tse di lesome tse ba neng ba di mo romile kwa palamenteng. Fa a buisa diphuthego mo kgaolong ya gagwe ya botlhopi, Mme Tshireletso o boletse fa go tshwanela gore a ba leboge ka ba mo tlhophile ka lerato. Mme Tshireletso o tlhalositse fa ba mo diretse ka bokgabane le ka tlotla e e faphegileng, mme e bile ba mo file seriti ka a ne a fiwa maemo a bothusa tona jwa dikgaolo le tlhabololo magae. Mme Tshireletso o tlhalositse fa tirisano mmogo ya gagwe le batlhophi ba kgaolo ya gagwe ene e le ya maemo a kwa godimo bogolo jang ka a ise a omanyediwe go tlhoka go boela mo kgaolong go rola le go tsaya megopolo go ya palamenteng, ntswa a ne a lebagane le lefatshe leno ka bophara, ka jalo o ntse senatla ka ntlha ya bone. O tsweletse a re o lebogela gore e re le ntswa ba ne ba mo romile a bo a rongwa gape ke puso, ba ne ba mo ema nokeng, mme e bile ba ipela ka ene.Bokhutlo
politics
7
Goya o akgola kgotla ya Lotsane
Ba kgotla ya Lotsane kwa Palapye ba akgoletswe maiteko a go dira tshingwana ya merogo go lwantsha kgwetlho ya go tlhoka botsogo jwa batho mo nakong ya gompieno. Ba akgotswe jalo ke mopalamente wa bone, Rre Moiseraele Goya bosheng kwa kgotleng ya bone fa a ile go ba lekola a le mo loetong la kgaolo ya gagwe ya botlhophi. A re o eletsa gore maiteko a bone a gasame le dikgotla tsotlhe tsa kgaolo ya gagwe ka e le ntlha e e botlhokwa go lwantsha mmaba yo o tlhasetseng botsogo jwa seshaba. O ne a ba a ba kgothatsa gore ba lwantshe borukutlhi a re bo kgoreletsa kagiso le thokgamo tse di renang mo lefatsheng la Botswana. E rile a araba ikuelo ya gore bommaboipelego ba boitseme go sekaseka balwetsi ba ba tlholelwang mo malwapeng a re o tlaa isa ngongorego eo kwa go bone, a re gape ba tshwanetse go nna ba thusa le ka koloi fa go na le mathata a batho bao. Rre Maina Kgopo o ne a re ba kopa motshela kgabo go bapa le kereke ya ZCC a re batho ba dikologa kgakala fa ba tswa kwa ditirelong. O rile a araba mopalamente o ne a re o tlaa isa kopo eo kwa go ba ba lebanyeng lefa go santse go le mo leshekereng la madi. Kgosi wa kgotla eo Nkwaila Maphanephane o ne a ikuela mo go mopalamente a re ba khansele ga ba dirisane le dikgosi ga ba ba rerise sepe le fa ba kopa thuso ga ba dire jalo. BOKHUTLO
politics
7
Dirisang mananeo - Mosupi
Motshwarelela mothusa mokwaledi mo lephateng la temo-thuo, Dr Pharoah Mosupi, o kopile balemi ba kgaolo -potlana ya Tutume go dirisa mananeo a puso go tokafatsa seemo sa temo mo kgaolong. Dr Mosupi o ntshitse kopo eo ka letsatsi la ditshupo tsa kgaolo-potlana ya Tutume tse di neng di tshwerwe kwa Tutume ka Matlhatso (Phukwi 25). A re balemi ba kgaolo eo ba maoto a tshupa go inaakanya le mananeo. O ne a tlhalosa fa balemi lefatshe ka bophara ba teratetse masimo a bone ka ditlhopha mme mo kgaolong eo ba le bonya go dirisa lenaneo la ISPAAD la go teratela masimo ba le setlhopha. O ne a ba gwetlha go tlogela mokgwa oo, a re ba dirise lenaneo leo ka le thusa thata go kganela leruo go senyetsa balemi dijalo. A kopa banana go tlhalosetsa batsadi ba bone ka mananeo ao gore ba a tlhaloganye le go ba rotloetsa go a dirisa. Dr Mosupi o ne a akgola balemi bao, a re le ntswa seemo sa loapi e le se se sa ikanyegeng ba kgone go tsisa disupiwa kwa ditshupong, le tsone di supiwa tseo di bonala gore balemi-barui bao ba ne ba le mo moonong le dithuto tse ba neng ba di fiwa ke balemi. O tswelete a ba kopa go dirisa maranyane a sesha a temo go inaakanya le seemo sa phetogo ya loapi se se amang dijalo tsa bone. A re seemo seo se gwetlha balemi go dirisa maranyane ao a go jala ka ditselana, go tshela monontshane, go jala dipeo tse di bogadi bo gaufi le go tshwara bokgola jwa dipula tsa ntlha. O ne gape a ba gwetlha go lebelela gore kgaolo e ba mo go yone e siametswe ke dipeo dife tse di kgonang go e itshwarelela ka dinako tsa komelelo go na le go lema mmidi o montsi go be go ya go nna tatlhegelo. Re Mosupi o ne a kopa balemi-barui bao go thusa puso ka dipodi gore go kgonwe go thusa ba bangwe. Modulasetilo wa komiti ya ditshupo tsa kgaolo-potlana ya Tutume, Rre Mmoloki Chizhala o ne a supa fa go santse go na le phatlha e tona thata magareng ga badirelapuso le morafe. O tlhalositse fa go tlhoka go lomagana moo go dira gore ditshupo tsa bone di seka tsa tsamaya sentle. Rre Chizhala o boletse fa maphata a sa ba fe thotloetso gape le go tsisa di supiwa ba sa dire jalo, kana ao a a thusang batho jaaka a nyeletso lehuma ga ba rotloetse batho bao go tla go itshupa. Fa a leboga, modulasetilo wa khansele potlana o ne a tlhalosa fa marekisetso mangwe a dijo tsa leruo a santse a gana go fokotsa ditlhwatlhwa. A re ba bolela fa go tsaya nako go duelwa. Rre Mokgethi o ne a ngongorega ka marekisetso a puso a melemo ya leruo le dijo tsa tsone, a re a nna a tlhaelelwa ke dithoto tseo ka jalo a kopa gore ba leke go reka mo go tsayang nako go thusa balrui.
society
9
Makhanselara a Legare a lebogela ditlhabololo tse di dirilweng
Makhanselara a kgaolo ya Legare ba lebogile puso ka ditlhabologo tse di dirilweng mo dikgaolong tsa bone ka go farologana. Ba buile se jaaka fa ba ne ba akgela mo mafokong a modulasetilo wa khansele ya Rre Peter Williams ka Labobedi kwa Serowe. Mokhanselara wa Nshakashogwe Rre Anthony Chebane o ne a lebogela ditlhabololo tse di dirilweng kwa Tutume di tshwana le tsela, dipone tse di mo mmileng le mosele o o fetisang metsi a pula. Rre Chebane o ne gape a lebogela puso go bo e bone go tshwanela gore metsi a letamo la Ntimbale a nose metse e e senang metsi kwa kgaolong ya gagwe le metse e e mababi, a bolela fa tiro eo ya go atolosa metsi e le gaufi le go dirwa. O ne a lebogela go dirwa ga tsela ya Shashemooke/Mathangwane, a bolela fa e le botlhokwa ka e tlaa lomaganya metse eo. A re tsela eo e tlaa tsenngwa le dipone. Rre Chebane o ne gape a lebogela ditlhabololo tsa tsela tse di dirwang kwa Serowe. A re Serowe ke motse o motona o o neng wa siiwa ke ditlhabololo, ka jalo go le maleba gore go bo go tsenngwa ditsela. Mokhanselara a re o na le tsholofelo ya gore mo nakong e e tlang khansele ya legare e tlaa okelediwa madi ka e le tona thata mme e konyediwa madi. Rre Chebane o ne a galaletsa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi go bo a kgonne go dira diphetogo di le dintsi mo nakong e khutshwane e a nnileng Tautona. A re go a itumedisa go bo Tautona Masisi a lwantsha tshenyetso setshaba. Mokhanselara wa Motshegaletau Rre Malau Gabaipone o ne a lebogela mananeo a tshwana le la ESP, la go fokotsa melala le la ISPAAD, a re mananeo a a dirile go le gontsi mo lefatsheng leno go tlhabolola matshelo a batho. A re lenaneo la ISPAAD le dira go le gontsi ka Batswana ba ne ba sa kgone go itemela mme ka thuso ya puso ba kgona go lema. Mokhanselara wa Mogapi Rre Tuelo Metseyabeng le ene o ne a galaletsa puso, a bolela fa ba ne ba na le mathata a tsela ya Martins Drift mme ya felela e dirilwe a ba a lebogela go bo go ne ga kgonagala gore go dirwe tsela ya Mogapinyana e go neng go se motlhofo go tsamaya mo go yone. A re seo ke sesupo sa gore puso ga e tlhaole e bile e leba Motswana mongwe le mongwe ka go lekalekana. Mo godimo ga moo, makhanselara ba ne ba lebogela Rre Williams go bo a ne a dira le bone sentle go se na dikgogakgogano dipe. Ba re Rre Williams o ne a kgathala thata, segolobogolo ka tlhokomelesego ya makhanselara. Ba re le fa ditsompelo di ne di tlhaela, ba ne ba kgona go dira ditiro dingwe. BOKHUTLO
politics
7
Lelatisitswe o rotloetsa Batswana go aba madi a mmele
Mothusa tona wa Lephata la Botsogo le Boitekanelo, Rre Sethomo Lelatisitswe o kgothaditse Batswana go aba madi a mmele ka dipalo tse di kwa godimo go thusa go boloka matshelo. Mothusa tona o buile jaana Seetebosigo a tlhola gangwe kwa Maun fa a ne a bula semmuso ntlwana e e tlaa bong e dirisiwa go aba madi a mmele. A re Batswana ka bontsi ba maoto a tshupa go aba madi a mmele le ntswa a tlhaela. A re go tlhokega 45 000 litres ya madi a mmele ka ngwaga, a tlhalosa fa palo e ntsi ya madi ao e dirisiwa mo go ba ba amegang mo dikotsing tsa tsela, le ka nako ya pelegi ga mmogo le malwetse a mangwe. Mothusa tona, yo gape e leng mopalamente wa Boteti Botlhaba, o kopile banni ba Maun go dirisa ntlwana eo, e ba e beetsweng mo toropong. Rre Lelatisitswe o boletse fa ka 2013, gone ga bulwa makalana a le mane mo dikgaolong tse di farologanyeng, mangwe a le kwa Maun, e le bontlha bongwe jwa go leka go goroga kwa seelong sa 45 000 litres. Mothusa tona o bile a akgola bapalami ba dibaesekele ba mokgatlho wa Pledge 25, ba ba boneng go le botlhokwa go thusa go anamisa molaetsa wa go aba madi a mmele, mme a nna ene wa ntlha a aba madi kwa lefelong leo. Kgosi Oleo Ledimo o ne a re go a itumedisa gore go bo go tsile go bulwa ntlwana ya go aba madi a mmele le go ribolola leeto la bapalami ba dibaesekele le le tlhagolelang tsela letsatsi la mafatshefatshe la kabo ya madi a mmele le le tlaa ketekelwang kwa Selebi Phikwe. A re maikaelelo a mangwe a tiro eo ke go tsibosa le go rotloetsa setshaba ka botlhokwa jwa go aba madi a mmele, mo a rileng ke mpho ya botlhokwa e e ka thusang gore mongwe a seka a tlhokafala. O kopile banni ba Maun go dirisa lefelo leo ka tlhoafalo le ka tsela e e tshwanetseng. Dr Malebogo Kebabonye wa kokelo ya Letsholathebe o ne a akgola banana a re mo malatsing a gompieno go itshupa fa e le bone ba gatetseng pele ka go aba madi. Dr Kebabonye a re madi a mmele ke pilisi e e ka sekeng e dirwe ke kompone epe ntswa e le botlhokwa. O ne leboga banni ba Maun, a re ba thusitse ka tsotlhe gore pulo semmuso ya lefelo leo e atlege.
health
6
Choppies e abela ba Digawana
Marekisetso a Choppies la Wayside kwa Lobatse a abetse malwapa a le masome a matlhano dijo tse di lopileng dikete tsa di Pula di le lesome le bongwe. Se se tla morago ga gore pula le phefo di rutlomolole matlo mangwe bosheng. Fa a bega dijo tseo kwa kgotleng ya Digawana, moemedi wa Choppies, Rre Tshepiso Rammurwana o ne a tlhalosa fa ba ne ba lemoga fa go tshwanetse gore ba thuse malwapa ao ka dijo morago ga seru se se bawetseng. Kgosi Moatlhodi Kgwakgwe o ne lebogela Choppies go thusa malwapa ao. O ne a lebogela Choppies go tswelela ka go thusa ba ba dikobo dikhutshwane, a kaya fa se se supa fa morafe wa Digawana o segofetse go bo ba bone dimpho tseo. Le fa go ntse jalo, o ne a kopa ba ba thusitsweng go tlhokomela tse ba di neetsweng le go ba rotloetsa go rapelela motse wa bone a tlhalosa fa thapelo e le yone konokono mo mathateng a diemo tsa dibetso tsa tlholego. Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Good Hope, Mme Opelo Mongwa, o ne a tlhalosa fa e rile morago ga go amega ga malwapa ao, mopalamente wa kgaolo, Dr Edwin Dikoloti o ne a ikuela mo setshabeng le beng ba dikgwebo go thusa ba ba wetsweng ke seru. Ka jalo o ne a akgolela Choppies go sekegela tsebe kopo ya mopalamente mme ba tsaya boikarabelo jwa go thusa setshaba. O ne gape a kopa gore ba ba kgonang ba nne ba tswelele ka go thusa ba ba amilweng ke pula. BOKHUTLO
society
9
Sojwe o akola mananeo a puso
E re le ntswa Sojwe e le mongwe wa metse e e kgakala le ditlamelo, go lemotshega fa mananeo a puso a namolo lehuma a goroga sentle kwa go one. Se se tlhalositswe ke mogokaganyi wa tsa nyeletso lehuma, yo o okametseng kgaolo ya Kweneng bophirima le botlhaba, Rre Gaotlhobogwe Kwelagobe. A re kwa Sojwe go setse go tserwe mananaeo a le lesome a a farologaneng. O ne a bua jaana mo phuthegong ya kgotla kwa Sojwe ka Labotlhano e ne e biditswe ke molaodi wa Kweneng, Dr Themba Mmusi. Maikaelelo a phuthego e, e ne e le go rotloetsa batho go tswelela ba tsaya mananeo. Rre Kwelagobe o ne a tlhalosetsa morafe fa mananeo a a simoloseditswe gore batho ba itshetse ka one le gone go godisa itsholelo ya lefatshe. O rotloeditse morafe go dira ka natla, go tlhokomela dikgwebo tsa bone le go di godisa. O ne a gakolola banni gore ba ikakanyetse, ba dirise mananeo go tokafatsa matshelo a bone, a tlatsa ka go re ba seka ba akanya mananeo a a tshwanang. O file sekai ka go re fa mongwe a tsere lenaneo la go dira kgwebo ya go rekisa dipodi, mongwe ene o ka simolodisa kgwebo ya matlhabelo a dipodi. E re go eme jalo, morafe o ne wa supa ngongorego ya gore ga o thusiwe sentle ke bodiredi jwa puso mme Dr Mmusi o ne a tshwaela fa a tshwenyegile thata ka se, a re o eletsa go ka nna le tshwaragano magare ga kgosi, bodiredi, le morafe. Dr Mmusi a re ke maikemisetso a bodiredi go netefatsa gore morafe o itse ka mananeo a puso. O ne a tlhalosetsa morafe gore fa ba sa thusiwe sentle, ba fetisetse dingongora kwa go ene. Doctor Mmusi o ne gape a tlhalosetsa banni fa Ipelegeng e se phiro e le lenaneo fela la go fokotsa manokonoko a lehuma. A re diofisi tsa boremelelo jwa ditlamelo tsa Sojwe di tshwanetse tsa dirisiwa. A solofetsa gore o tlaa rulaganya gore bodiredi jwa puso go tswa maphateng a a farologaneng gangwe le gape ba etele banni ba Sojwe go ya go ba ruta ka mananeo. Dr Mmusi o kopile Kgosi Tlhabologang Hube go mo itsese ka mananeo otlhe a a dirwang mo motseng, a re go dirwe mokwalo wa one gore a tle a kgone go a sala morago sentle, gore a tsweletse jang le nako e a e beetsweng go fela, e re fa go nna le tiego go bonwe gore tsela pedi go tsewa e fe. Mo bokopanong jo bokhutshwane jwa ga molaodi le komiti ya bodiredi jwa motse, Dr Mmusi o ne a gakolola bogogi gore ke bone ba rweleng maikarabelo a go itsese setshaba ka mananeo. A re ba nne ba rulaganya bokopano ba ikgolagantse le kgosi go nna ba itsese banni ka mananeo, le go sekaseka tse e ka tswang e le dikgoreletsi le gore di ka fenngwa jang. Bokopano jo bo ne bo rulagantswe ke mokhanselara yo o itlhophetsweng, Mme Daisy Botsoba, morago ga go lemoga fa banni ba tsaya mananeo mme ba sa dire ka natla mo go one, jalo a kopa molaodi go tla go ba kgothatsa. E re ka Sojwe a le kgakala le Gaborone, go tlhalositswe fa mo nakong e khutshwane go rulagantswe gore ba lephata la Gender Affairs ba etele banni go ba itsese ka mananeo a bone.
economy_business_and_finance
3
‘Temo-thuo kgwebo’
Mookamedi wa tsa theko le thekiso ya dijo kwa kgaolong ya legare, Mme Barulaganye Lebutswe a re balemi ba tshwanetse go tsaya temo-thuo jaaka kgwebo. O buile jaana fa a ne a buisa balemi ba kgaolo ya legare kwa Serowe bosheng kwa letsatsing la thekiso la balemi barui. Mme Lebutswe a re balemi barui ba tshwanetse go itse gore maikalelo a letsatsi leo, ke go tla go itshupa le go rekisa ka tlhwotlhwa tse di lekaneng, go ithuta le go abelana maele e le balemi barui le go atolosa mmaraka wa temo thuo gore ba tle ba kgone go rekisa gongwe le gongwe le go thusiwa gore ba tle ba kgone go phadisana le mafatshe a mangwe. Molalediwa wa tlotla wa letsatsi, Rre Keletso Rakhudu o ne a leboga balemi barui ba ba neng ba tsile le ntswa ba ne ba le boutsana a bo a ba kopa go lemotsha ba ba sa kgonang go tla bomosola jwa letsatsi leo. Rre Rakhudu a re kgwebo e tliwa ke mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore ke yoo mmotlana kana yoo setseng a itshetletse mo mmarakeng. A re e le ba balemi barui ba kopa gore ba thusiwe go ikgolaganya le balemi ba mafatshe a mangwe. A re moono wa letsatsi ke go tlhabolola temo thuo go nna kgwebo a supa fa ba tshwaragane le batsaya karolo botlhe ba ba lebaneng. Rre Rakhudu o kopile balemi barui go sa kgobega marapo mo go se ba se dirang ka e le gone ba simololang mme a ba rotloetsa go ithuta mo bathong ba mafatshe a sele ba ba nnang mo lefatsheng leno jaaka morafe wa se India le wa China ka gore ke batho ba ba dirang ka natla fa ba le mo kgwebong. O kopile gore letsatsi la balemi barui le dirwe kgapetsa kgapetsa le gore ba sekaseke boleng jwa letsatsi leo. Rre Rakhudu a re ba tshwanetse go akaretsa bagwebi botlhe ba ba gwebang ka di tsa bone gore ba dire thulaganyo ya go etela masimo ka bongwe ka bongwe gore ba tle ba kgone go ithuta mo go ba bangwe. Mongwe wa bagwebi ba ba neng ba tsile go supa, Mme Nancy Phiri yo o dirisang dipolaseteke tse di dirisitsweng e le tsela ya go phepafatsa le go itshetsa, a re kgwetlho e a kopanang nayo mo kgwebong ya gagwe ke ya gore batho ga ba reke dilwana tsa gagwe le ntswa a di rekisa ka tlhwotlhwa ee kwa tlase. A re ga a ise a kope thuso mo pusong le fa e le mo dikhamphaneng. Mme Gonthaletse Ratau ene yo e leng moroki o supile fa kgwebo ya gagwe e tsamaya sentle e bile ba khansele ba mo file lefelo le a direlang mo go lone. A re bothata ke ba ba tsisang dilwana kwa go mme ba tseye lebaka go di rekolola kana ba se ke ba di rekolole gotlhelele. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Temo ke teemane ya botshelo
Mogolwane mo lephateng la temo Rre Mmoloki Khukhutha o rotloeditse balemi ba kgaolo-potlana ya Letlhakeng go tsaya temo ka tlhoafalo ka jaana temo e le teemane ya botshelo. O buile se jaaka a ne a bula ditshupo tsa temo kwa Letlhakeng bosheng. Rre Khukhutha a re temo ke yone konokono mo go jeseng lefatshe la Botswana le gone go romela thobo kwa mafatsheng a sele go dira letseno go itshetsa. A re ka jalo go mo maruding a balemi ba ba tsayang temo ka natla le mashetla go rurifatsa gore ba ntsha thobo e e ka jesang lefatshe. Rre Khukhutha a re o lebogela tshwaragano e e renang fa gare ba balemi ba kgaolo e mme seo se botlhokwa thata ka go nna motlhofo go rutana le go ithuta mo go babangwe. A re ka jalo setlhogo sa letsatsi leo; Go Rurifatsa gore Dijo di Nna Teng mo Masimong a a Tlwaelesegileng, se maleba ka se gwetlha go dira ka natla mo temong. O ne a kgothatsa balemi gore ba seka ba kgobega marapo, bogolo jang ka mo malatsing a gompieno go le bokete go bona babereki kwa masimong. A re ba ipelege go tlhokomela masimo a bone. Rre Khukhutha a re lephata la gagwe le lone le tlaa dira ka gotlhe go rurifatsa gore ba thusa balemi ka tsotlhe tse ba di tlhokang jaaka dikgakololo le ditsela tsa go tlhabolola temo ya bone. A re ka jalo ba tshwanetse ba bereka thata le balemisi mo kgaolong ya bone ka ba hiretswe go ba thusa mo go tsa temo le gone go ntsha maduo mo temong. O ne a tlatsa ka go re mo nakong e e fetileng ba ne ba dira dilo Setswana ka balemi ba ne ba fiwa menontshane go sa tlhatlhojwa mmu mo tshimong mme seo se bake thobo e e kwa tlasa. Rre Khukhutha a re mo nakong ya gompieno menontshane ga e fiwe molemi a sa tlhatlhoba mmu wa tshimo gore a seka a tloga a senya mmu ka go tsenya se se teng gale mme go bakele dijalo mathata. Le fa go ntse jalo, a re o itumelela disupiwa tsa bone ka e le tsa maemo a ntlha mme o dumela gore jaaka ba tlaa bo ba fetela kwa dikgaisanyong tsa lefatshe lotlhe ba tlaa kgona go bona maemo a a nametsang. A re e re ka jaana kgaolo e e ka kwano e le ya motlhabana, o lebogela balemi go lema dijalo tse di tsamaelanang le motlhaba. Rre Khukhutha a re dinawa, manoko, mabele le tse dingwe di dira sentle mo motlhabeng mme a ba opela diatla go bo ba reetsa dikgakololo tsa balemisi. O ne a ba rotloetsa go tsena mo temong ka mashetla mme ba e dire e le kgwebo ka motho a ka kgona go itshetsa ka yone mme a tshela botshelo jwa maemo a ntlha. Modulasetilo wa komiti ya ditshupo, Rre Moeti Nkgoko a re ba bone go tshwanela go tshwara ditshupo tseo gore balemi ba kgaolo eo ba kgone go isa disupiwa tsa bone kwa ditshupong tse ditona tsa lefatshe. A re gone go se motlhofo go baakanyetsa ditshupo tseo, bogolo jang ka ba sena morotloetsi ntswa ba sa kgobega marapo. Rre Nkgoko o ne a supa fa ba ne ba tshwanetse go koleka P1 000 mongwe le mongwe wa bone mo dikgaolong tsa bone tse di lesome le bone mme batho ba nnile maoto a tshupa go dira jalo. Ka jalo o ne a kgothatsa balemi go rurifatsa gore madi ao a nna teng ka ke one a a ba thusang go baakanyetsa letsatsi la ditshupo. A re le fa go ntse jalo, o lebogela barotloetsi botlhe ba ba nnileng le seabe mo go boneng gore letsatsi leo le a atlega. Rre Nkgopo a re ba atle ba dire dipampiri tsa go kopa madi mme a kopa morafe go ba thusa ka jaana madi ao a le mosola mo go baakanyetseng ditshupo. E rile a kgothatsa balemi ka ene, Rre Osupeng Sebomo a re temo e tshwanetse ya tsewa ka thoafalo ka jaana balemi ba tshwanetse ba jesa lefatshe la Botswana. A re ntle le go thoafalela temo, ba tshwanetse ba dira temo e le kgwebo gore ba kgone go itshetsa ka jaana e na le madi e bile fa molemi a ema ka dinao o ka bona dipoelo tse di bonalang. Rre Sebomo o ne gape a kopa balemi go inaakanya le methale ya temo ya segompieno le gone go dirisana le balemisi go ithuta ka fa ba ka tlhabololang temo ya bone ka teng. A re e re ka Setswana se re mabogo dinku a a thebana, balemi ba tshwanetse ba nna le sebaka sa go ithuta mo go bangwe ka bone ka dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. Mo kamogelong ya gagwe, Kgosi Tumelo Puleng wa Letlhakeng o ne a supa fa ditshupo di le mosola ka di efa balemi sebaka sa go supa tse ba di lemang. A re paakanyetso ya ditshupo e tshwaraganetswe ke balemi le balemisi gore e atlege mme a re o leboga kemo -nokeng eo mo baleming. Kgosi Puleng a re o tshwenyega thata ka jaana banana ba sa bonale mo ditshupong tseo ntswa e le bone go beilweng mo go bone go isa temo kwa pele. O ne a kopa gore banana ba eitleediwe ka gore itsholelo ya lefatshe e ikaegile ka bone mme e bile ke bone bokamoso jwa lone.
economy_business_and_finance
3
Baithuti ba supa kutlwelo botlhoko
Baithuti ba sekolo sa Boitekanelo, ba ba neng ba le mo ithutuntshong kwa Masunga ba sa tswa go araba pitso ya Tautona wa lefatshe leno ya gore Batswana ba emane nokeng tebang le go lwantsha lehuma. Baithuti bao ba supile seabe sa bone kgwedi eno e le lesome le borataro jaaka ba ne ba rolela mme mongwe wa motlhoki wa Masunga, Mme Naiko Tshwenyego pompo ya metsi. E ne ya re ba le mo ithutuntshong ya bone ya dikgwedi tse tharo, ya go inaakanya le matshelo le botsogo jwa batho, gammogo le go ruta ka tsa botsogo mo motseng wa Masunga, baithuti bao ba barataro ka palo, ba gwetlhiwa ke go bona seemo sa ga Mme Tshwenyego sa go tlhoka pompo mo lwapeng. Fa a bua kwa tholong ya pompo eo, mongwe wa baithuti, Mme Koziba Meshack a re go tsamaya ba gasa melaetsa ya tsa botsogo le go lemoga letlhoko la batho mo motseng, e ne e le bontlha bongwe jwa dithuto tsa bone jalo a tlhalosa fa e le gone go dirileng gore ba lemoge letlhoko la pompo mo lwapeng leo. Mme Meshack a re ba ne ba thulanya ditlhogo mme ba itlama go mo thusa ka go ikanapa dipata le go tsamaisa dipampiri ba kopa dithebenyana mo morafeng. A re mme phelelong ba ne ba kgona go sala morago ditselana tsotlhe tsa kgokelo ya metsi, go balelwa le go duela P1550 kwa koporaseng ya Water Utilities. O lebogile botlhe ba ba ba emeng nokeng mo go reng ba fitlhelele kwa maikemisetsong a bone, a bo a tshepisa fa ba tla tswelela ba thusa mo dintlheng tsotlhe tsa lefatshe leno ka gotlhe mo ba ka go kgonang go netefatsa gore ba isa lefatshe leno golo gongwe. Mogolwane mo lephateng la botsogo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Matilda Tema o ba akgoletse tiro e ntle e fela thata, a tl;atsa ka gore go supa fa baithuti bao ba tshela Tebelopele ya lefatshe leno ya 2016. Mme Tema a re go bo ba thusitse mongwe yo o tlhokileng lesego mo motseng o ba direlang mo go one, ke sesupo sa gore mo isagong ba tla isa lefatshe leno kwa mankalankaleng. A re mongwe o ka bona tiro eo e le nnyenyane, fela ke tiro e kgolo fela thata ka jaana metsi e le jone botshelo jwa motho. Mongwe wa bagolwane ba lephata la botsogo mo kgaolong, Mme Tshilo Mabophiwa o ne a gakolola Mme Tshwenyego go sola molemo pompo eo, ka go itirela tshingwana ya merogo, e ka yone a ka itshetsang ka yone. Kgosana ya kgotlana ya Mannathoko kwa Masunga, Rre Elijah Mannathoko o iteetse legofi tiro ya baithuti bao, a ba rotloetsa go tswelela ba dira jalo le go dira go feta foo. O gwetlhile Mme Tshwenyego go tlhokomela pompo eo, go akola maungo a yone go ya go ileng. Fa a tswa la gagwe, Mme Tshwenyego o ne a lebogela mpho eo fela thata, a re tlhotlheletso ya mowa wa Modimo ke yone e dirileng gore baithuti bao ba lemoge botlhoki jo a neng a na le jone. A re o ne a kokonelwa ke go tsamaya sekgelenyana go tswa fa lwapeng a ya go gelela metsi kwa lelwapeng la ba losika. BOKHUTLO
education
4
Tshwaragano e botlhokwa
Ralekgotla wa Ntomalome kwa Molapowabojang, Rre Bushi Ndaba, a re tshwaragano e ka tsisa ditlhabololo mo setshabeng. Rre Ndaba o buile mafoko a kwa kabong dimpho ya kereke ya King Solomon Evangelical ka Matlhatso. Kereke eo e ne ya abela ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng dijo le melora. Rre Ndaba a re setshaba se tshwanetse go ya kwa ngwageng wa 2016 se tlhaloganya gore go diragala eng, a tla a re dikereke di tsenye matlho mo setshabeng di lebe ba ba tshwanetseng go thusiwa. Are ba seka ba thusa batho ka go tlhaola. A re kereke fa e thusa batho ba ba tlhokileng lesego e a bo e dira thato ya Modimo ebile e tshegeditse moono wa puso wa gore Batswaba ba nne chaba e e kutlwelo botlhoko e bile e le lorato mo go ba bangwe. Fa a bua ka maikaelelo a tiro eo modulasetilo wa kereke ya King Solomon Evangelical Mme Kgotlaetsile Ndaba a re kereke ya bone e santse e simologa ka jalo e tlhoka kemonokeng ya setshaba sa Molapowabojang le tikologo. Mme Ndaba a re kereke ya bone e simologile ka ngwaga wa 2013 a tlatsa ka gore ba kereke ba dumela mo kgololong,lorato le kutlwelo botlhoko, a bo a re ditsetlana tse ga di farologane le letshego la tebelopele ya lefatshe leno. Mme Ndaba a re maikaelelo ke go tsisa tsholofelo mo setshabeng ka go ba fa dimpho tseo, mme a tlhalosa fa go le botlhokwa go tsepama mo Modimong a re fa ba ka dira jalo Modimo o tlaa ba utlwa ka a itse diemo tsa bone a ba a ba thusa. Prophet Boitshwarelo Solomon yo e leng ene moeteledipele wa kereke eo, e rile a ntsha lefoko la kgothatso a re o biditse setshaba go ba lemotsha botlhokwa jwa lorato, a re ba bone go tshwanela gore ba itshupe gore ba teng mo Molapowabojang jaaka ba digela ngwaga wa bobedi. Prophet Solomon a re puso e tlhoka gore dikereke di e thuse ka jaana ga e kake ya kgona ka nosi. O tlhalositse fa batho ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ba setse ba e fekeetsa. A re kereke e tshwanetse gonnna sekao ka go tlamela setshaba le go thusa go boloka mewa. A re baruti ba tshwanetse go supa gore Jeso yo ba mo rerang o a tshela, a tlatsa ka gore Modimo ke Modimo yo o kgathalang ka batlhoki. Mokhanselara wa Molapowabojang East Rre Calvin Matlale e rile a ntsha mafoko a malebo a kopela kereke ya King Solomon Evangelical le bogogi jwa yone tshegofatso ,kgolo le katlego ka gore e dira tiro e ntle ya go supa lorato ka go thusa ba ba tlhokileng lesego. Mo go tse dingwe Rre Matlale o ne a lela ka gore motse wa Molapowabojang o mogologolo mme ga o na ditlhabololo. Fa a leboga mongwe wa ba ba abetsweng dimpho Mme Keatametse Ditlhobolo a re o lebogela kereke eo tiro e ba e ba diretseng, mme a ba kopa go tswelela ba thusa setshaba.
society
9
Go nna le bakapelo ba le bantsi go diphatsa
E rile bosheng maloko a setlhopha sa mmino wa setso sa Tselakgopo, go tswa kwa Serowe ba bolotsa letsholo la go rotloetsa baratani go dirisana le motho a le mongwe ka go na le maduo a a nametsang go fema go tshabelelwa ke kanamo ya malwetse a tlhakanelo dikobo. Go tlhomamisitse jalo molomaganya ditiro wa setlhopha, Rre Warona Ramaribana, fa ba ne ba biditse pitso mo dikgotleng tsa merafhe ya metse ya Moiyabana, Mabuo, Sehunong, Motshegaletau, Thabala, Mogorosi le metse e mabapi ya Serowe. Rre Ramaribana o tlhalositse fa mo ditshekatshekong tsa batho ba ba amilweng ke HIV/AIDS go supagetse fa go nna le bakapelo ba feta bongwe go nnile le thotloetso e tona mo kanamong ya mogare. Ka jalo, a re ba kgathala ka matshelo a Batswana ba lefatshe leno ebile se ele nngwe tsela ya go fitlhelela maikaelelo a tebelopele ya ngwaga wa 2016 ya tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso. Rre Ramarbana a re ba bone go le matshwanedi go bolotsa letsholo le go ruta le go lemotsha baratani bo molemo jwa go dirisanya le mokapelo a le mongwe gammogo le go ba tsibosa ka bodiphatsa jwa go nna le baratani ba le bantsi. “Go nna le bakapelo ba le bantsi go na le tshono e ntsi go rotloetsa kanamo ya malwetsi a tlhakanelo dikobo mo barataning ba ba amegang, ka jalo go beye matshelo a bone mo diphatseng” a bua jalo a tlatsa ka go supa fa gape go baka go tlhoka kutlwisisanyo mo malwapeng, selo se a reng se ka feletsa se thuba malwapa. A re go thoka kutlwisisano mo lapeng go baya kgodiso ya bana ka fa mosing, ebile ba ka gola ba na le tenego e feteletseng e ka dirang go re kamoso ba tsoge ba fetlogile bakgokgontshi. Ka jalo a tlhalosa fa go dirisanya le mokapelo a le mongwe go le botlhokwa go aga lelwapa le le tiileng. O ne gape a kgotlhatsa baratani go nna le tshepho mo leratong ka dinako tsotlhe ka a re se se ka ba thusa go itsa tsietso mo malwapeng a bone. “Go tlhoka go nna le tshepho mo mokapelong wa gago go ka feletsa go patleletsa mokapelo o mongwe go nna le bakapelo ka fa thoko” a gatlelela jalo mme a tlhalosa fa go le borai ka go ka tsosa le dikgotlhang mo malwapeng. Le fa go ntse jalo, Rre Ramaribana o ne a gwetlha segolo bogolo banana ka a re ke bone ba ba amegang bobe mo dikgannyeng tsa go nna jaana go iketaya ka thupana go babalela matshelo a bone ka go tsaya kgato e e maleba go itshireletsa mo kanamong ya malwetsi a tlhakanelo dikobo. O bile a gakolola baratani go ya go itlhatlhobela malwetsi a tlhakanelo dikoboka kwa dikokelwaneng tse di gaufi kgotsa ba ka etlela ba Tebelopele go itse seemo sa bone boo babedi. A tlatsa ka go supa fa go itse seemo sa gago le mokapelo wa gago e le tsela e e faphegileng go iphemela le go tswa ka ditlharabololo go kgothatsana fa mongwe a amegile. Le ntswa setlhopha se se tshwaragane le namane e tona go gasa molaetsa o o botlhokwa jaana, ba re ba lela ka letlhoko la kemedi go bodusa tema ya bone go tsibosa Batswana, segolo bogolo ka e le setlhopha se se ikemetseng ka bo nosi. Ba ne ba isa malebo kwa go ba lekalana la botsogo la NACA go bo ba tshwaragane le bone ka go ba rotloetsa ka dithuso tsa madi go tswelela go rera efangedi e. Rre Ramaribana a re fa e sale setlhopha sa bone se gatisiwa semmuso ka fa molaong ka ngwaga wa 2005, se nnile le tokafatso maduo go tsibosa le go ruta ka tsa kanamo ya mogare wa HIV/AIDS. BOKHUTLO
arts_culture_entertainment_and_media
0
Botsogo, boitekanelo di ya thoteng di bapile
Ngaka ya dijo kwakokelong ya Tsabong, Dr Moseja Dibotelo o rotloeditse badiri ba lephata la merero ya setshaba, boagedi le tsa bong go ja dijo tse di siametseng mebele ka se se ka thusa mo go tsheleng ba itekanetse ka dinako tsotlhe. O ne a bua kwa letsatsing la botsogo le boitekanelo le le neng le rulagantswe ke ba lephata leo bosheng. Dr Dibotelo a re go botlhokwa go fokotsa go ja dijo tse di nang le mahura a mantsi, letswai le sukiri mme segolo ba je merogo, maungo le dijo tse di nang le moroko ka e le tsone tse di siametseng go aga mmele le go o sireletsa mo malwetseng. A re dijo tse di ka baka malwetse a a borai a akaretsa jwa sukiri, pelo, madi a matona, monono o o feteletseng, go swa mhama le a mangwe. O ne a rotloetsa batsaya karolo go itlhatlhobela malwetse ka go le mosola mo go itseng botsogo jwa bone mme ba ka itseela dikgato tse di maleba nako e sa ntse e le teng. Rre Dibotelo o ne a gakolola badiri gore go botoka go ipakela dijo fa ba ya ditirong go na le go reka kwa marekisetsong ka ba ka lekanyetsa le go tshwakanya ka fa go tshwanetseng ka teng. A re e re ka jaana Kgalagadi a tshabelelwa ke mogote, go botlhokwa go nwa metsi a mantsi, bogolo selekanyo sa dilithara tse pedi ka letsatsi. Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo, modulasetilo wa komiti ya botsogo le boitekanelo mo Tsabong, Mme Gaone Gababoloke o tlhalositse fa e ne e le la ntlha ba tshwara letsatsi leo mme moono mogolo e le go simolodisa itshidilo ya badiri ka seo se ka thusa thata mo tokafatsong ya maduo a a eletsegang mo ditirong. Mme Gababoloke o ne a gakolola badiri ka ene fa setlhogo sa letsatsi leo se se reng Botsogo Pele se rotloetsa go itshidila mmele ka fa go tshwanetseng ka teng, a kaya fa mmele o tshwanetse go tsoga sentle le go sidilwa letsatsi le letsatsi. A re fa badirelapuso ba ka inaakanya le go itshidila mmele go ka ba nonotsha tlhaloganyo, maikutlo le mmele. Moruthuntshi wa tsa itshidilo mo Tsabong, Rre Steyn Kefaletse o boletse fa go tlhoka go itshidila sentle go na le ditlamorago tse di ka felelang di ama tiro ka go tlhoka go bereka ka fa go tshwanetseng ka teng. E re ka jaana botsogo le boitekanelo e le di ya thoteng di bapile, Rre Kefaletse o ne a fa sekai gore go bo koloi e na le lenaneo la go tlhatlhojwa morago ga lobaka lo lo rileng maikaelelo e le go bona gore a e itekanetse go dira ditiro. Rre Kefaletse o gwetlhile ba ba neng ba tsene moletlo wa letsatsi leo le setshaba ka kakaretso go ema ka dinao le gone go tsaya boikarabelo mo go tlhomamiseng gore ba tseela kwa godimo botsogo jwa bone ka go tila go tsenwa ke malwetse a ba neng ba ka a fema fa ba itshidila. A re gape go itshidila mmele ba tlhoafetse go ka thusa badiri go laola go kgoberega ga maikutlo go tshwana le letlhoko la madi le tse dingwe. O kaile fa go le mosola mo go thuseng setshaba ka maatlametlo le gone go ntsha maduo a a eletsegang mo ditirong. Mo letsatsing leo ba lephata la botsogo ba ne ba tlhatlhobela badiri malwetse a a farologanyeng a tshwana le madi a matona, sukiri, monono le HIV. Ba botsogo ba ne gape ba ruta, ba gakolola le go tlhalosetsa badiri go etela kwa dikokelong go ya go dira loaro lwa borre lo lo babalesegileng, go rotloetsa bomme go itlhatlhobela kankere ya molomo wa popelo. BOKHUTLO
health
6
Batlholagadi ba a ikuela
Batlholagadi ba tshwentswe ke go kgaphelwa ntle mo ditirong tsa Setswana, bogolo thata mo mererong ya lenyalo. Mme Vivian Masibe o buile jalo mo phuthegong ya bomme bosheng mo kgotleng kwa Kanye gore go le gantsi fa rre a sena go hulara, mme o tsena mo kalafing ya lobaka lwa ngwaga. A re fa mme a sena go apola o bolelelwa gore o siame o ka dira tiro nngwe le nngwe, selo se a reng ga se diragale fa go tla mo mererong ya lenyalo. Mme Masibe o boletse fa go atile malatsi ano go rontsha motlholagadi tshwanelo ya gagwe ya go laya mo lenyalong hela ka ntata ya gore o tlhokafaletswe ke monna. Fa a tswa la gagwe, Mme Morwadi Ditlhotlhole o tlhalositse fa go le botlhokwa gore setshaba se lemoge fa go tlhokafalelwa ke molekane ga mme e se tlhalo, ka jalo mme wa go nna jalo a na le tshwanelo yotlhe ya go dira ditiro tsotlhe tsa thulaganyo ya lenyalo tse di akaretsang le go laya. Mme Ditlhotlhole a re fa mme yo o tlhokafaletsweng ke rre ba le mo thulaganyong ya lenyalo boora mosimane ba tshwanetse go sala ba tsweledisa thulaganyo ya tseo. A re bomme ba Bangwaketse go botlhokwa gore ba ipatlisise go somarela ngwao. Fa a tswa la gagwe, Mme Ofentse Matlale o ne a kopa gore molao mongwe le mongwe o kwalwe ka o dirisiwa go goga batho. O ne a supa matshwenyego ka bomme ba ba tlang manyalong ba sa apara sentle, selo se a reng se kgatlhanong le tsamaiso ya Setswana ya manyalo. Mme Matlale o kopile batsadi go bua le bana kwa malwapeng le go ba ruta gore go aparwa jang. BOKHUTLO
society
9
Mosanako o akgola babereki
Modulasetilo wa khansele potlana ya Moshupa, Rre Lentswe Mosanako, o akgotse babereki ba khansele potlana eo go dira tiro ka manontlhotlho. O buile jalo kwa moletlong wa go abela babereki dikgele ka go ba leboga ka fa ba berekang ka teng mo Moshupa. A re kgwetlho e ba nang le yone ke ya bonno jwa babereki ka ba bangwe ba theogela ba tswa kwa dikgaolwaneng tse di gaufi le Moshupa. Mokwaledi wa khansele potlana, Rre Isaiah Odirile, o boleletse batsei ba dikgele gore go tsaya dikgele ke go ba leboga le go ba tiisa moko gore ba tswelele ka go dira bonatla. A re babereki ba ba berekelang mo khanseleng ba makgolo a mararo masome a mabedi le borataro (326), mme ba ba abetsweng dietsele ngogola ba ne ba le masome a mararo le bosupa (37), fa monongwaga ba oketsegile, ba le masome a borataro (60). A re koketsego e e supa fa ba tshwere ka natla mo tirong le go ntsha maduo. Mokwaledi mogolo wa khansele ya borwa, Rre Mompati Seleka, a re go fa babereki dikgele ga se go ba duela mme ke go ba leboga. A re puso e dirile ditshekatsheko mo ditirong mme e bone fa babereki ka bontsi e le ba ba tswang kwa mafatseng a sele, a re babereki ba mono gae ba bereke ka bonatla le botshwerere go ntsha maduo mo tirong ya setshaba. O gakolotse babereki gore ba ntshe dikgwetlho tse ba nang le tsone mo tirong, gore ba kgone go thusiwa ka bofefo, le bone ba tle ba tiise moko go isa ditlamelo ka bonako kwa bathong. Rre Seleka o itumelela tirisanyo le therisanyo ya badiredi ba maphata a mangwe a a direlang setshaba mo khanseleng ya borwa. A re maphata a nne a nna le bokopano, go buisang ka tse ba ka tokafatsang ditiro tsa setshaba ka tsone le gore ba ka ntsa maduo jang. BOKHUTLO
politics
7
Lenaneo la go tlhatswa metsi le tsweletse
Bomme, ba khamphani ya Azit Still ater ba tlhalositse fa thulaganyo ya nyeletso lehuma ya go tlhatswa metsi ba bo ba a rekisetsa sehaba e tsamaya sentle. Mo potsolosong, Mogolwane wa Azit Still Water, Mme Onkokame Podisi o tlhalositse fa kgwebo e, e simologile ka 2015, ba thusiwa ke ofisi ya nyeletso lehuma kJwaneng. O tlhalositse fa ofisi e ne ya ba rekela metshine e e tlhatswang metsi le o o tswalang mabotlolo 2015. Mme Podisi o buile gore e re ka toropo ya Jwaneng e na le metsi a a letswai, bomme ba le bararo ba ne ba ikopanya mme ba batla kgwebo ya go tlhatswa metsi go re ba tle ba thuse setshaba ka metsi a a monate a a monate. E rile a tlhalosa ka kgwebo, Mme Podisi a re mo kgwebong ya bone ba rekisetsa batho metsi mo dikupung tse ba tlang ka tsone le go rekisetsa mabentlele. O tlhalosa fa ba ipapatsa mo dikhamphaning, khansele le maphata a puso. O tlhalositse fa kgwebo e ba thusa thata mo ba kgonneng go e godisa ka go reka motshine wa dipampiri, setsidifatsi le laptop e e ba thusang go kwala le go baya tsotlhe tse di botlhokwa tsa kgwebo. Mme Podisi a re dikgwetlho tsa kgwebo ga se tse di tshwenyang thata ka ba leka go dira ka natla go di falola. O buile fa tirisanyo mmogo le go buisana le bareki sentle go le botlhokwa ka e le bone ba godisang kgwebo. O tlhalositse fa botho, lorato le go bereka ka natla go na le seabe mo go godiseng kgwebo A re ba tlaa ikopanya le ofisi ya banana go kopa madi a ba ka rekang didirisiwa tse dingwe tse di ka tlhonolofatsang kgwebo ya bone go ya pele. O buile fa maikaelelo a bone e le go godisa kgwebo mo ba tlaa felelang ba dira dikgapetlana tse di tsidifatsang dinotsididi go di rekisetsa batho le go rekisetsa ba mediro. A re maikaelelo a bone ke go bona metsi a bone a rekisiwa lefatshe ka bophara. “Toro e nngwe ya rona ke go bona kgwebo e godile mo re ka felelang re hira bangwe ba banana ba Jwaneng,” Mme Podisi a tlhalosa. Mme Podisi o gakolotse banana gore ba seka ba ikaega fela ka gore letlhoko la ditiro le lentsi mme ba itebaganye le go itshimololela dikgwebo tse dipotlana. O gakolotse ba ba eletsang go simolola dikgwebo gore ba seka ba nna le boitlhobogo fa kgwebo e sa tsamaye sentle, ka jalo ba tsenye bopelotelele gore kgwebo e atlege. O lebogetse kemo nokeng ya banni ba Jwaneng ba ba itumelelanng go bo ba tsile ka kgwebo ya go tlhotlha metsi letshwai. ENDS
economy_business_and_finance
3
Thuto kgetsi ya tsie
Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Matsaakgang kwa Kanye, Rre Seetleetso Moroka, o kopile batsadi go tshwaraganela thuto le barutabana. Fa a bua mo potsolotsong le bosheng, Rre Moroka o tlhalositse gore baithuti ba ka ntsha maduo a a nametsang mo thutong fa batsadi ba kgatlhegela dibuka tsa bana ba bone ka go sala morago se ba se dirang. A re sekole se sebotlana sa Matsaakang ke sengwe sa dikole tse di tseelang thuto kwa godimo ebile se balelwa mo dikoleng tse tlhano tse di gaisitseng kwa Kanye mo go tse di masome a mabedi le botlhano mo kgaolong potlana eno. Rre Moroka o ne a opela barutabana ba sekole seo diatla ka ba dira ka botshwerere gore bana ba kgone go ntsha maduo mo dithutong, a kaya fa go dira jalo e le gone go godisa thuto le go ntsha maduo mo tirong. Mogokgo gape o lebogetse gore dikhamphani dingwe tse di ikemetseng di bo di supile lerato ka go abela sekole seo dithuso tse di farologaneng, segolo jang dimpho tse di filweng baithuti ba ba gaisitseng ba bangwe. A re go dira jalo ke go rotloetsa bana gore ba tseye thuto ya bone ka tlhwaafalo. Rre Moroka o ne a tlhalosa fa ba tlhamile ditlhopha tsa baithuti tsa mo mosong le motshegare tse di itebagantseng le go bala le go dira dikarolwana tse ba di filweng ka dinako tsa thuto, go di dira ba le setlhopha gore ba ba sa tlhaloganyeng ba thusane botoka. Mogokgo are go botlhokwa gore batsadi ba tsene diphuthego tsa batsadi le barutabana go tla go buisana ka tse di amang thutong ya bana ba bone. A re go botlhokwa gore baithuti ba gakololwe kwa lwapeng gore ba itse gore konokono ya thuto ke go bala. Mme gape a re sekole se ntsha maduo le mo go tsa metshameko, a ba a supa fa bana bangwe ba le bane ba sekole seo ba kile ba ya go emela sekole seo kwa dikgaisanong tsa bosechaba tsa mabelo. Mo go tse dingwe, Rre Moroka o kopile baithuti gore ba tlogele mekgwa e e maswe mme ba lebagane le thuto fela ka ke yone e ka tsogang e ba tlhofofaletsang botshelo. O gateletse gore ba inaakanye le go bala lefoko la Modimo, a tlhalosa fa e le lone le ka ba bontshang tsela e e siameng le go ba bontsha lesedi la botshelo. BOKHUTLO
education
4
Tsenyang letsogo mo thutong ya bana
Banni ba Poloka ba kopilwe go nonotsha isago ya bana ka go tsenya letsogo mo go utlwalang mo thutong le kgodiso ya bone. Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele a re batsadi ba tshwanetse go kaela bana tsela ya boammaaruri gore ba itshware ka mokgwa o o letlelesegang mo setshabeng. O buile jaana mo phuthegong ya kgotla bosheng. A re go lemotshega fa batsadi ba na le seabe mo boitshwarong jwa bana jo bo hapogileng. Rre Makgalemele a re go a tshwenya go bona bana ba sa tsibogele go sutela bagolo mo ditilong tsa dipalamo tsa setshaba, ba supa fa ba na le tshwanelo ya go huba maoto ka le bone ba a bo ba duetse, selo se a reng se supa fa mekgwa le tsamaiso tsa Setswana tse di bopagnayang tshaba di nyelela. O gateletse gore ke nako ya gore batsadi ba itshekatsheke mme ba eme ka dinao go kaela bana tsela ya boammaaruri ka go ba ruta tlotlo. Rre Makgalemele a re batsadi ba tshwaragane le barutabana go godisa bana sentle le go ba kgothatsa go ithuta ba tiisitse. O kopile batsadi go itlwaetsa go nna ba etela dikole kgapetsakgapetsa gore ba kgone go itse ka fa bana ba dirang ka teng. Mme Gaongalelwe Bamookile o ne a dumelana le mafoko a ga mopalamente a re ke boammaaruri gore batsadi ba tshwanetse ba tsaya karolo e kgolo mo kgodisong le thuto ya bana. Mme Bamookile o supile fa e le boammaaruri gore thuto ke lesedi, a tlatsa ka go re bagolo ba ba neng ba sa itewa seatla ka bonyana ba bonye lesedi morago ga go tsena sekole ka lenaneo la thuto ga e golelwe. Ka go twe lore lo ojwa lo sale metsi, Mme Bamookile a re o dumela gore thuto e ka thusa go godisa bana sentle. A re go botlhokwa go batlisisa tse di kgoreletsang bana go ntsha maduo. Rre Tapologo Boitumelo wa Poloka gape e le motsadi wa ngwana yo o tsenang kwa sekoleng se segolwane sa Mokgalo o ne a itela ka seemo se se sa jeseng diwelang sa bonno jwa bana kwa sekoleng seo. O supile gore seemo sa itshireletso se a tshwenya kwa Mokgalo ka gore bana ba robala mo matlong a a senang dipati ga mmogo le digalase tsa matlhabaphefo. O supile botlhokwa jwa go aga sekole se segolwane mo kgaolong ya bone gore bana ba kgone go nna gaufi le batsadi, a tlatsa ka go re seemo seo se tlaa fa batsadi sebaka sa go nna le seabe se se nonofileng mo thutong ya bana. A re seemo sa mo nakong eno se na le seabe mo go weleng tlase ga maduo a baithuti. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Poloka, Rre Kgokonyane Kgokonyane o supile fa e le boammaruri maduo a bana a sa itumedise. Rre Kgokonyane a re batsadi ba e santseng e le banana ba maoto a tshupa go tsenelela dikgang tsa thuto tse di amang bana ba bone. O supile gape gore sekole se tlhaelelwa ke bodiredi. A re bana bangwe fa ba filwe tiro ya sekole go e direla kwa malwapeng ba boa ba sa dira sepe, ka jalo seo se papamatse fa batsadi ba sena seabe. O supile fa batsadi bangwe ba sa dumalane le gore bana ba ba sa direng sentle ba ka boelela mophato, ntswa e le tsela nngwe ya go suga ngwana gore a kgone go tlhaloganya se a se rutwang. Morago ga go reetsa dikakgelo tsa morafe, Rre Makgalemele o kopile batsadi go ititaya ka thupana le go dirisana sentle le bogogi jwa sekole ka e le bone ba itseng se se siametseng bana. O kgadile a sa kgwe mathe batsadi ba ba ganang gore bana ba boelele mophato fa maduo a bone a sa kgotsofatse. A re ba lomeletsa bana ba bone sebaka sa go ka dira sentle mo thutong. A re go boeletsa ngwana mophato ga go dirwe ka maikaelelo ape a go mo sotla kana go mo tlontlolola.
society
9
Modipane o aga leobo la kgotla
Banni ba Modipane mo kgaolong ya Kgatleng ba tshwaragane le namane e tona ya go aga leobo la kgotla ya motse wa bone. Mo puisanong bosheng, Kgosi Ishmael Mokalake, o tlhalositse fa ka ngwaga wa 2014, banni ba Modipane ba ne ba dumelana gore ba ikagele leobo la kgotla go fa kgotla eo seriti. Kgosi o ne a tlhalosa gore ba ne ba nna le moletlo o o neng wa bulela tshimolodiso ya go aga leobo la bone ka Hirikgong monongwaga a supa fa a ne a kopana le morafe wa gagwe go tla ka maano a go kgobokanya madi. “Re tlhaloganya gore puso ga e na madi ebile ka gotwe mokoduwe go tsosiwa o o itekang, re le morafe re ne ra dumelana gore mongwe le mongwe yo o kgonang a thuse ka se a nang le sone,” ga tlhalosa Kgosi Mokalake. A re gape ba dumelane e le morafe gore mongwe le mongwe mo motseng wa bone a koleke P100 e le tsela ya go kokoanya madi go feleletsa leobo la bone. Kgosi Mokalake o tlhalositse fa khansele e ne ya ba thusa ka batshwantshi ba leobo, a tlatsa ka gore batho bao ba ne ba dira tiro e ntle fela thata. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa go ne ga nna le dikhamphani tse di neng tsa itlama go thusa ka kago ya leobo a tlatsa ka gore marekisetso a Easy Hardware a ne a thusa ka didirisiwa tsa kago tse di lopileng dikete tse tlhano tsa dipula fa Marvel Hardware yone e ne ya thusa ka disamente. Kgosi Mokalake a re kereke ya Big Home Ministries yone e ne ya thusa ka go reka ditena tse dinnye di le dikete tse di robang bobedi, mme American Chemical Solutions yone ya thusa ka go ntsha dino tsididi tse di neng tsa nowa kwa moletlong wa go bulela kago ya leobo leo. Kgosi a re banni ba ne ba ithaopa go aga leobo ntle le dituelo dipe a tlatsa ka gore ba ne ba aga ka botswerere le bonokopila. A re le gompieno ba supile kgatlhego ya go thusa go feleletsa kago ya leobo ka ba nna ba tlhola gore a didirisiwa di teng go tla go tsweledisa kago. O tlhalositse fa kago ya leobo e sa ntse e eme ka ba sena ditsompelo tsa go tsweledisa kago a supa fa ba tlhoka ditena, dikota le bojang jo bo rulelang. Kgosi o tladitse ka gore morafe o amogela thuso epe fela e Batswana ba ka e ba fang go feleletsa kago. A re ba ikaelela go dira sefikantswe se se tlaa kwalwang maina a botlhe ba ba tlaa tsayang karolo mo go ageng leobo. BOKHUTLO
society
9
Tona o kgothatsa baeteledipele ba baithuti
Lephata la thuto le tlhabololo dikitso le lemoga seabe sa dikole tsa ithutelo ditiro mo go itebaganyeng le dikgwetlho tse setshaba se kopanang le tsone. E rile a bua mo phuthegong e e itebagantseng le boeteledipele jwa baithuti ba dikole tsa ithutelo ditiro bosheng, mothusa tona wa lephata leo, Rre Keletso Rakhudu a tlhalosa fa lephata le ka seke la kgona go lebagana le dikgwetlho tsa baithuti le le nosi mme ba na le seabe ba ba akaretsang baeteledipele ba baithuti e le bangwe ba ba botlhokwa mo ntlheng e. Rre Rakhudu a re ba tlhoka seabe sa bone gore ba tlhomamise gore baithuti ba fiwa tlhokomelo gammogo le go thusiwa mo go tshwanetseng fa ba le mo dikoleng. Tona gape o galaleditse Ba Isago University College ka seabe sa bone se a reng se botlhokwa ka se ka kgona go dira gore setshaba se kgone go fitlhelela tebelopele ya lefatshe leno ya 2016, segolo jang fa go lebilwe letshego le le itebagantseng le setshaba se se nang le kitso e bile se rutegile. Phuthego e ne e rulagantswe ke Ba Isago University College ka fa tlase ga setlhogo se se reng ‘Identifying student leadership as critical component of the higher education transformation agenda’. Phuthego e ne e itebagantse le baeteledipele ba baithuti ba dikole tsa ithutelo ditiro ka maikaelelo a go lemoga dikgwetlho tse di ba lebaneng. Dr Roshen Kishun go tswa kwa Ba Isago University College a re phuthego e e diretswe go sekaseka gore a boeteledipele jwa baithuti ba dikole tse bo dira go lekane go thusa baithuti. O tsweletse a re boeteledipele bo tshwanetse go itebaganya le go tlhabolola dikitso tsa babereki ka jalo a re baeteledipele ba baithuti ba tshwanetse go netefatsa gore phetogo e nna teng gore go tlhabolola dikitso tsa babereki go a diragala. O supile fa baithuti ba lebanwe ke kgwetlho ya go bopa lefatshe ka jalo boeteledi jwa bone bo tshwanetse jwa lemogiwa jwa ba jwa tsholediwa. Mookamela Innolead Consulting and X-pert Group, Rre Oabona Kgengwenyane a re boeteledipele jwa baithuti bo botlhokwa mo go atlegeng ga baithuti morago ga dithuto tsa bone. A re baithuti ba tshwanetse go ntsha mafatlha a bone ba sa tshabe go kgopakgopediwa. O ba rotloeditse go tlogela go ikaega ka puso mme ba tle ka ditsela tse ba ka dirang dikgwebo ka tsone go tsholetsa itsholelo ya lefatshe. Baeteledipele ba baithuti ba ne ba nna le sebaka sa go akgela mo dintlheng tse di farologaneng tse ba di beilweng pele. Bokhutlo
education
4
Go itse mebala ya motho mo tirong go 
botlhokwa
E ne
ya re bosheng ba ofisi ya ga Tautona ba e leng batlhatlheledi ba dithuto tse di
ka ntshang maduo mo tirong ba tshwara dithuto puisano le badiri ba lephata la 
dikitsiso le kgaso maikaelelo e le go ba ruta ka botlhokwa jwa go itse go
 dirisana sentle le badiri ka bone ga mmogo le setshaba. Thutopuisano eo e ne e
tshwerwe kwa Selebi Phikwe kwa oteleng ya Stone House. Fa a bua bangwe ba bagolwane
go tswa kwa ofising ya ga Tautona, Mme Nurse Magwadi le Mme Goabaone Seabo ba
re go itse motho fa o dira le ene segolojang mo tirong go botlhokwa ka go ka
thibela dikgotlhang. O supile fa motho yo o mmala
o motala jwa letlhare a dira tiro a lebile molao maikakelelo e le go tlhomamisa
gore o setse molao morago, yo o mmala o gouta a dira dipatisiso pele fa a dira
tiro ya gagwe fa yo o mmala wa namune a dira tiro ka bofafalele ebile a sa dira
dipatlisiso,fa wa mmala wa botala jwa loapi (blue) e le motho yo o ratang
kagiso ka dinako tsotlhe ebile a le kutlwelo botlhoko. Mme Seabo a re go itse ka
mebala e go neela modirelapuso sebaka sa go ka tsaya ditshwetso tse di siameng
fa ba dira le setshaba le badiri ka bone. Bangwe ba batsena
thutosekadipuisano ba ne ba re thuto e ba rutile go le gontsi bogolo jang go
dira le setshaba le badiri ka bone go ntsha maduo a a isang lefatshe leno kwa
godimo le ka bokgabane. ebile ba le kutlwelo bothoko. Batsena thutopuisano ba ne ba
tswa Bobonong le Selebi Phikwe e le ba maphata a dikitsiso le kgaso. BOKHUTLO
education
4
Ba rotloediwa go itshwara sentle
Baithuti ba lekwalo la bosupa ba sekole se se botlana sa Gobuamang Memorial kwa Thamaga ba rotloeditswe go itshwara ka botho jo bo letlelesegang fa ba aloga ba ya kwa dikoleng tse dikgolwane. E rile fa a gakolola baithuti, morutabana wa tsa bogakolodi wa sekole se segolwane sa Thamaga Rre Boitumelo Keinyatse a tlhalosa fa baithuti ka bontsi ba fetoga fa ba tsena kwa dikoleng tse dikgolwane mme ba simolole go itshwara ka maitsholo a sa siamang, selo se a reng se tshwenya fela thata. Rre Keinyatse a re melao e baithuti ba ba e dirisang mo dikoleng tse dipotlana e ntse ke yone e ba tlaa e fitlhelang kwa go tse dikgolwane. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa botshelo jwa sekole se segolwane bo le pharologanyo thata le jwa sekole se sebotlana ka jaana go na le dikgwetlho di le dintsi, mme a ba kgothatsa go ikitaya ka thupana. E rile a ema baithuti ka lefoko, seopedi sa mono gae Ted Phaphane, yo o tlwaelesegileng ka leina la Ozi F Teddy, o ne a kgothatsa baithuti go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo ba bo ba supe lerato mo go se ba se dirang. O ne a tlhalosa gore go somarela nako go botlhokwa fela thata e bile go ka thusa moithuti go dira sentle mo dithutong tsa gagwe. O ne a gakolola baithuti go ikgapha mo monateng ka ba sa le babotlana mme e bile ba na le nako e ntsi fela thata mo botshelong. O ne a tlhalosa gore go ikgapha mo dilong tse di sa siamang ke yone fela tsela ya go ka kgona go dira sentle mo dithutong. Mooki go tswa kwa kokelwaneng ya Thamaga Rre Elisha Mbata, o ne a kgothatsa baithuti go baya Modimo pele mo sengweng le sengwe se ba se dirang. O ne a tlhalosa gore, go le gantsi baithuti ba basetsana ba felela ba ima e le gone ba simololang kwa dikoleng tse dikgolwane, selo se a reng se dirwa ke go ikgatholosa kitso le dikgakololo. O ne a rotloetsa baithuti go tswa mo go tsa marato mme ba inaakanye le dithuto tsa bone. O ne a tswelela a ba kgothatsa go bega dikgang dipe tse di ka tswang di amana le go phorwaphorwa. A tlhalosa fa ba itemogetse fa baithuti ba sa bege dikgang tsa mohuta o mme ba tla go lemoga fela fa ngwana a setse a imile.
education
4
Chimhandamba o bona maduo
E re ntswa dikgwebo tsa banana di tshabelelwa ke go phutlhama, Mme Kgomotsego Chimhandamba ene o kgonne go fitlhelela ditoro tsa gagwe tsa go nna mmadikgwebo le ntswa dikgwetlho di ne di mo farafarile. Mme Chimhandamba, yo o dingwaga di masome mararo le botlhano, wa Palapye, o ne a eleditse go nna mooki fa a gola, ka maswabi ntateng ya bolwetse a retelelwa ke go kwala ditlhatlhobo tsa mophato wa botlhano kwa Lotsane. O ne a seka a ineela mo botshelong, ka jaana gompieno e le mogwebi wa popota, a roka dithoto di akaretsa diaparo, diphate, mealo ya malao gammogo le ditilo tsa matobetobe. Mo potsolosong le “E rile go lemoga gore toro ya me ya go nna mooki e padile, ka inaakanya le tiro ya diatla ya go roka, ke rotloediwa ke mme, yo le ene a neng a rata go roka mme a go dira e le tiro ya nakwana. “Ke ne ka ithuta methale yotlhe ya go roka mme ka felela ke thapiwa ke ba Golden Path Creations mo Palapye, kwa ke berekileng teng lebaka la ngwaga fela, mme ka tlogela ka mabaka a keletso ya go itshimololela kgwebo ya me,” ga tlhalosa Mme Chimhandamba. Monana yo o ititeileng sehuba yo o supa fa a ne a fudugela kwa Lerala, kwa go neng go direla monna wa gagwe, mme a dira ditiro tsa nakwana ka lebakanyana, a tla a ithaopa mme tiro ya bofelo ya mo duela P70 yo a neng a mo dirisa go reka ditlhale di le lesome le sekere, a bo a adima motshine o o rokang kwa go mmagwe go ka itshimololela kgwebo. A re ka thata ya Modimo ditebego tsa dithoto tse a di dirileng tsa mmapatsa, mme kgwebo ya simolola go tokafala go fitlhelela a kgona go ithekela metshine e metona le tsotlhe tse di tlhokafalang go dira kgwebo ya thoko. Ka nako eno, Mme Chimhandamba o direla kgwebo mo ntlong ya gagwe, mme a supa fa gompieno a setse a kgonne go reka setsha sa kgwebo ka dipoelo, e bile a agile gone kwa Lerala, gammogo le go reka lefatshe le le tona le a reng o eletsa go aga mmolo teng, o o tlaa akaretsang marekisetso a leokwane. A re kgwebo e e kwadisitsweng ka maina a Ramisto Manufacturing, e simolotse go thapa badiri ka 2014, fa tiro e ntse e oketsega, mme jaanong o na le ba le bane. “Le fa ke ise ke adime madi ape go ka thusa kgwebo ya me, ke itumelela gore letseno le teng ka jaana ke kgonne go bula marekisetso a dithoto tsa ntlo le fa ke roka ditilo tsa matobetobe fela, mme dithoto tse dingwe ke di reka kwa Afrika Borwa,” ga rialo Mme Chimhandamba. O supile fa a na le keletso ya go adima madi mo pusong, go atolosa madirelo a gagwe bogolo jang go ka aga mmolo. Jaaka dikgwebo tsotlhe, Ramisto Manufacturing e raletse dikgwetlho di akaretsa letlhoko la badiri ba ba nang le dikitso tse di tseneletseng. O tlhalosa gore fa a seyo mo madirelong, tiro e a ema ka jaana ba tlhoka go thusiwa. A re kgwetlho e nngwe ke gore batho ba sa ntse ba ganelela go reka kwa ditoropong, le fa batho ba motse le ba ba tswang kwa Afrika Borwa ba mo rotloetsa. A re bontsi jwa bareki ba gagwe ke bana ba dikole le ba manyalo. Mme Chimhandamba o supile fa a reka didirisiwa kgakala kwa Afrika Borwa. Fa a gakolola banana, a re ba tshwanetse ba itse gore khumo ga e tle gone foo, mme e tlhoka bopelotelele. A re le mo bogompienong, o ikamogedisa madi a a kwa tlase ga babereki ba gagwe. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Bagodi ba abetswe dijo
E rile bosheng The Village Church kwa Maun ya abela bagodi ba le masome a matlhano le botlhano dijo, dilo tse di tlhapang le go ba direla dijo tsa keresemose. Fa a bua kwa moletlong o o tshwarwang ngwaga le ngwaga, Moruti Gary Pelotshweu a re dimpho tseo di tswa kwa malokong a kereke eo go supa lerato la Modimo. A re kereke eo, e na le dingwaga di le masome a mabedi le borataro e le mo lefatsheng leno mme e ntse e tsweletse ka go thusa ka mowa o le mongwe fela. O boletse fa mo ngwageng o o fetileng, ba agetse mogolo mongwe ntlo mme ba setse ba amogetse dipego tsa gore batho bangwe ba senya ntlo eo. Moruti Pelotshweu a re fa tshenyo ya go nna jalo e ka tswelela e tla a ba kgoba marapo mo go direleng bagolo ba go nna jalo. A re bangwe ba ka tswa ba itse batho ba ba dirang jalo mme a re ke mowa fela o o sa siamang. Moruti Benjamin Makwaza a re nako ya keresemose ke ya go abelana dimpho ka jalo ba bone go le botlhokwa gore ba kgaogane le ba bangwe se ba se tshwereng. A re mme kana go aba go tshwanetse ga nna le yo o amogelang jaaka fela go boletswe gore go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang. Fa a ntsha malebo, kgosana ya kgotla eo, Rre Ditsiane Diramoka o akgotse kereke eo le mokgatlho wa yone wa Love Botswana a tlhalosa gore fa e sale ba simolola go direla mo kgotleng ya Boronyana ba ba thusitse ka dilo di le dintsi fela thata. O bile a ba kopa gore ba tswelele ka mowa o montle oo ka a re ke one o o ka supang se tota ba leng sone mo setshabeng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana eo, Mme Gabanathuso Olebogeng o ba kopile go tswelela ba dira tiro e ntle eo, a ba a tlhalosa gore ga se batho botlhe ba ba kgonang go thusa bagodi le fa e le batsadi ba bone. Kereke eo e ile gape ya abela bana ba feta makgolo a mabedi dimpho tsa keresemose.
society
9
Kgosi o rotloetsa banni go tsaya mananeo ka tlhoafalo
Kgosi wa kgotlana ya Molosiwa mo Mosweu, Rre Commet Baitlhapi o kgadile mokgwa wa banni ba motse oo wa go sa tseyeng mananeo a nyeletso lehuma ka tlhoafalo. Rre Baitlhapi o boletse mo potsolotsong le BOPA bosheng fa a lemogile fa bontsi jwa banni ba tsaya mananeo a ba ise ba ithulaganye gore ba batla go dira eng le gore ba ya go dira jang gore ba bone dipoelo. A re dipalo di supa fa banana ba motse ba amule go le gontsi mo lenaneong la nyeletso lehuma, sebe sa phiri e nne gore ga ba a tshwarelela mo go tse ba di filweng gore ba tle ba inamole mo lehumeng. O ne a kaya fa bontsi bo boetse kwa go berekeng mo Ipelegeng ntswa ba ne ba filwe tsotlhe tse ba neng ba ka di dirisa go itshimololela dikgwebo, mme e re morago ba thape bangwe ka bone. Rre Baitlhapi o file sekai ka lenaneo la go apaya borotho, a re le ka bo le tswetse banni mosola ka ba dimausu ba reka borotho kwa ntle ga motse. O ne a tlhalosa gape gore dimausu le ditshingwana tsa morogo tse bontsi ba neng ba di bone ka lenaneo le di phutlhame mo go tlhabisang ditlhong. Le fa go ntsse jalo, o ne a akgola ba ba kgonneng go lemoga bomolemo jwa lenaneo le mme ba le tsaya ka tlhoafalo. O supile fa go na le boitseme jo bontsi mo motseng, a kaya fa bontsi ba filwe tshotlhe tse di tlhokafalang mme jaanong go sa tswe maduo. Rre Baitlhapi o kgadile mokgwa o o dirwang ke bangwe wa go tsaya dipudi tsa LIMID mme ba di disetse mo malwapeng. A re seo ke go supa fa motho a tseneletse lenaneo le a sena ponelopele. O ne a gakolola banni gore ba dirise mananeo a go leka go tsisa ditlamelo tse di seyong mo motseng ga mmogo le go itshetsa. O ne a rotloetsa mowa wa bojammogo mo banning, a kopa ba ba kgonneng go dirisanya le ba ba iseng ba bone sepe gore le bone ba kgone ba tswelele ka tse ba di itshimololetseng ba santse ba letile thotloetso. BOKHUTLO
society
9
Kgosi o akgola maphata a puso
Mothusa Kgosi ya Peleng, Tshegofatso Setumo, o lebogetse bodiredi kwa ofising e e tlhokometseng dithoto le makgetho, lephata la tupo ya ditswammung le la dikitsiso mowa o montle wa go abela ba ba tlhokileng lesego. Fa a bua kwa moletlong wa go abela Mme Sheila Kholombo le ba lelwapa la gagwe setofo sa kese, dijo le dipitsa tse di lopileng madi a a ka tshwarang dikete tse tharo tsa dipula, Kgosi Setumo o ne a re se se dirilweng ke badiri ba maphata ao, ke go supa fa ba kgathala e bile ba na le loerato mo setshabeng sa bone. A re lerato le tshwanetse go supiwa ka ditiro tsa mothale oo, a tlatsa ka gore babereki ba supile mowa wa bojammogo magareng ga bone ka ba tswa kgakala ba kopanela tiro e ya go thusa ba ba tlhokileng lesego, e bile ba supa fa ba ikaeletse go dira jalo ngwaga le ngwaga ba sa bowe ka morago. Kgosi Setumo o ne a tswelela ka gore go dira jalo gape ke go araba kopo ya ga tautona ya gore maphata a iponatse mo setshabeng gore se ba itse, le gore ba itse matlhoki a setshaba go se thusa botoka. Fa a ntsha la gagwe mmaboipelego wa toropo mme Bajwadi Tebele, a re o leboga Modimo go bo tiro ya letsatsi leo e kgonagetse. A re ene e le mogopolo o montle gore maphata ao a tshwaraganele setshaba ka tsela e e ntseng jalo. A re go sego letsogo le le abang, a re ka jalo badiri ba maphata ao ba tla a okelediwa go menagane. A re badiri bao ba dirile tiro e ntle e e se kitlang e lebalesega motlhofo ka e le ya go dira pharologanyo mo matshelong a ba lelwapa la boora-Kholombo. Fa a amogela dimpho tseo, Mme Sheila Kholombo o ne a re o itumetse thata, mme a leboga Modimo go menagane. A re badiri ba maphata a a mo fileng dimpho ba tla a segofala mme Modimo o ba okeletse masego a ba nang nao.
society
9
Lobatse o ipaakanyetsa boipuso
Mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse, Rre Ernest Phiri o kopile banni ba toropo eo go nna le seabe mo go ipaakanyetseng letsatsi la boipuso la monongwaga. O ba kgothaditse le go tlhagola tsela ya go ipelela jwa 2016 jo lefatshe leno le tlaa bong le na le dingwaga di le masome a matlhano le ntse le ipusa. E rile a afa tekodiso ka dipaakanyo tsa go ipelela moletlo o motona wa dingwaga tse di masome matlhano, a tlhalosa fa toropo ya Lobatse e abetswe P91 662 ke ba komiti ya BOT 50 go tswa kwa lephateng la banana, metshameko le ngwao le le okametseng ditirelo tsa ipaakanyetso boipuso go tloga monongwaga go fitlhelela ka 2016. A re ditiro tse di filweng madi di akaretsa ditirelo tsa go simolodisiwa ga merapelo Lwetse a rogwa go fitlhelela ka letsatsi la boipuso. O boletse gore go tlaa nna le dikgaisano tsa moopelo tsa dikereke, bodiragatsi, mmabontle le rabontle , mmino wa Setswana, metshameko ya Setswana jaaka diketo, dijo tsa Setswana gammogo le motshameko wa kgwele ya dinao mo kgaolong. Bangwe ba ba tsena phuthego eo ba atlile fela thata kgaisano ya moopelo wa dikhwaere tsa dikereke ba bolela fa gole matshwanedi gore o nne teng segolo bogolo ka lefatshe leno le ikaegile ka Modimo. Mokhanselara wa Peleng Legare, Rre Bobby Raphala o akgoletse morafe go tshologela phuthego eo ka jaana ba tlaa thusa ka megopolo e e nitameng le go anamisa molaetsa kwa setshabeng. BOKHUTLO
society
9
Tlhokomelang leruo-Tombale
Mookamedi wa matlhabelo a Botswana Meat Commission (BMC) Dr Akolang Tombale, a re o tshwenngwa thata ke tsela e bontsi jwa baruakgomo ba latlhelelang leruo bogolo jang dikgomo mme e re morago ga seo ba bo ba supiwa ka monwana gotwe BMC ga e dire sentle kana gotwe e a palelwa. Dr Tombale o buile se mo thuto-seka-dipuisanong e e neng e itebagantse le bogodu jwa leruo mme e rulagagantswe ke ba komiti ya twantsho borukutlhi mo Lerala bosheng. A re dikgomo tse di sa jesiwang omang kgotsa di sena manyena a e leng one bosupi di sega tsebe ka di nyefola maiteko a BMC a go rekisa nama ya Botswana kwa mmarakeng o o botoka gore baruakgomo ba bone dipoelo tse di botoka. A re fa mebaraka e e ka tswalela nama ya Botswana, kgongwana e e rekiwang ka dikete di le pedi go ya kwa godimo mo nakong e e ka felela e wetse kwa tlase le go feta le bone ba ba dinalanyana ba ka seke ba e kgatlhegele ka e tlaa bo e sena mosola. Dr Tombale o tsweletse ka gore le fa bangwe ba re ga ba rekisetse BMC, ba tshwanetse ba itse fa ditlhwatlhwa tsa kgomo mono di bewa go lebilwe gore BMC e reka dikgomo ka bokae. O tlhalositse fa BMC e baya ditlhwatlhwa e lebile gore yone e rekisa nama ka bokae, ka jalo fa barui ba re ga ba rekisetse BMC ba tshwanetse ba itse gore ga gona tlhwatlhwa ya kgomo epe mo lefatsheng leno e e fetang ya BMC. A re fa mebaraka e tswalwa BMC e tlaa tshwanelwa ke go fokotsa tlhwatlhwa e e rekang kgomo ka yone, mme se se ame baruakgomo le bareki ba kgomo botlhe. Dr Tombale o tlhalositse fa seabe sa matlhabelo a BMC mo go lwantsheng bogodu jwa leruo e le go rotloetsa moono wa puso ka go netefatsa gore kgomo e e tsenang ka matlhabelo ke e e tlhomamisegang e bile e sena selabe sepe. A re ba dira jaana ka go reka dikgomo tse di jeleng omang mme e bile di bitsa leina la mong wa tsone fa di balwa ka motshine wa bakenti. Dr Tombale o supile gore fa BMC e reka dikgomo e netefatsa gore ba sepodisi ba a ba bo ba le teng dinako tsotlhe go rurifatsa theko le mekwalo /bosupi jotlhe jo bo tlhokegang. “Jaaka mo nakong eno re phatlaladitse lenaneo la theko ya kgwedi ya Phalane, marekisetso otlhe a re yang kwa go one re patwa ke ba sepodisi le ba matlhoko a leruo mme e bile theko e ka seke e nne teng fa ba seyo,” ga tshwaela Dr Tombale. A re go bo ba reka kgomo e e tlhomamisegang e bile e rurifaditswe gore ga se ya bogodu go baya nama ya lefatshe leno e e rekisetswang mmaraka wa Europa le e mengwe mo tshiamelong ya go eletswa bobe ke mafatshefatshe. A re topo ya thekiso ke gore sepe se se rekisiwang e tshwanetse ya bo e le sa boleng jo bo rileng mme e bile o ka se latedisa kwa moding wa sone. Dr Tombale o boletse gore mebaraka e gatelela gore boleng le bophepa jwa nama bo le nosi ga bo a lekana ka nama eo go tshwanetse ga itsiwe ko e tswang teng le gore ko e tswang teng ga se lefelo le le bokabokelwang ke malwetse a a tshwanang le jwa tlhako le molomo. O ne a supa fa puso e ntse e emelane le go tlhabolola ka fa kgomo e ka rurifadiwang ka teng.
crime_law_and_justice
1
Diji di tlhasetse masimo
Rabalemisi wa kgaolo potlana ya Letlhakeng, Rre Lucas Kgosiemang, o tlhalositse fa go lebega diji di tlaa dika di apesitse balemi ba kgaolo ya gagwe kobo ka letshoba. E rile a bua mo puisanong, Rre Kgosiemang a tlhalosa fa ba utlwaletse thaga ya molomo mo masimong a Salajwe,Takatokwane le Moshaweng mme ka lesego di fudugile mme ba tlaa nna ba etse seemo tlhoko. O boletse fa diji jaaka ditotojane go lebega di tlaa dika di le dintsi ntateng ya dipula. O tsweletse ka go tlhalosa fa dirurubele di le dintsi thata monongwaga, a tlhalosa fa di felela di iphetotse dibokwana tse gantsi di tshabelelang mmidi. O bile a kopa gore balemi ba nne podi matseba ka go bonwe sebokwana se se tsamayang ka segopa (African army worm) se se dirang tshenyo e ntsi mo mabeleng. Rre Kgosiemang o boletse fa mhero le one go lebega o tlaa nna montsi bogolo jang wa O tsweletse ka go tlhalosa fa balemi bangwe mo kgaolong ya gagwe ba nnile le bothata jwa peo ya mabele ya S O boletse fa molemi mongwe wa masimo a Phuduhudu a ne a lemile mmidi wa O tlhalositse fa balemi ba kgaolo ya gagwe ba ne ba ikiteile ka thupana thata monongwaga ka bangwe ba ne ba itemela ka digogi tsa bone ba sa emele tsa ga goromente le fa le tsone di ne di na le bothata jwa go senyega. O boletse fa tirisanyo mmogo ya bone le balemi e le ya maemo a ntlha. Rre Kgosiemang o tlhalositse fa a tsweletse ka go duela balemi ba ba neng ba itheketse dipeo ka nako ya temo. O boletse fa ba ikemiseditse go dira le balemi ka e le bone ba ka ntshang lefatshe leno mo tlaleng. Bokhutlo
society
9
Adimang bana lefatshe
Mopalamente wa kgaolo ya Serowe Bokone, e bile e le mothusa tona wa tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo, Rre Kgotla Autlwetse o kgothaditse batsadi go adima banana lefatshe gore ba tsene mo temo-thuong, e le maiteko a go itlhamela dikgwebo le go tlhamela ba bangwe mebereko. Rre Autlwetse o buile jaana fa a buisa banni ba kgotla ya Kgope bosheng. Tona o ne a supa gore gantsi kgwetlho ya banana e dirwa ke gore ba a bo ba sena lefatshe, ka jalo go thatafatsa dikeletso tsa bone tsa go ka tsena mo temo-thuong. “Bontsi jwa lefatshe mo Botswana le tshwerwe ke batho ba ba dingwaga tse 65 go ya kwa godimo. Bontsi jwa bagolo ba go nna jalo ga ba sa tlhole ba na le tokololo ya go ka lema, jalo re kopa gore le adime banana lefatshe,” a kopa. A re puso e na le tsamaiso e e tlhamaletseng, ka thuso ya lekgotla la kabo ditsha, ya go thusa gore botlhe ba ba ka eletsang go dira thulaganyo ya mofuta o, ka jalo a ba rotloetsa gore ba seka ba belaela sepe gore lefatshe le ka ba tswa diatleng fa ba dira jalo. Rre Autlwetse o ne a tlhalosa fa puso e tshwenyegile ka letlhoko la mebereko mo bananeng, ka jalo a supa fa lephata la gagwe le tsere kgato mo go thuseng ka seo mo mhameng wa temo-thuo. “Mhama wa temo-thuo o na le dikgwebo di le mmalwa tse banana ba ka inaakanyang le tsone, fela fa ba ka nonofa ba tsena mo temo-thuong,” a supa. A re dipalo di supa fa 30 000 ya banana ba ba nang le dithutego ba sena ditiro, ba saila mo mebileng. “Puso e tshwenyegile ka seemo se, se tsisa bohutsana mo malwapeng a batsadi ba ba aperweng ke bothata jo, ka gantsi re solofela kana e le dikeletso tsa gore bana ba rona ba re thuse,” a tlhalosa. A re go ngomola pelo gore batsadi ba bo ba bapa le banana mo malapeng ka ntlha ya letlhoko la ditiro. Jalo, o tlhalositse fa nako e gorogile gore temo-thuo e fetolwe gore boleng jwa yone e nne jo bo kwa godimo, e bile bo ntsha maduo a matona. “Go setse go na le methale e mesha ya go ntsha maduo mo thobong, jalo re eletsa gore banana ba lemoge diphatlha tse, e bile ba lemoge fa go na le tsela ya mefuta e ya itshetso,” a supa. A re kgang ya go batla tiro e fetile, a supa fa metlha ya gompieno e le ya go itlhamela ditiro. Rre Autlwetse a re puso e mo tseleng ya go rutuntsha le go tlatsa banana ba dithutego tse di kwa ntle ka temo-thuo, gore go nne bonolo gore ba ka tsena mo temo-thuong. Fa a bua ka thulaganyo e e dirilweng ya go thusa dikgaolo ka madi, o tlhalositse fa kgaolwana ya Kgope e filwe P1.1million. O ne a tlatsa ka go re, ka madi ao a diretswe dithuso tse dipotlana mo dikgaolwaneng tsa bone, ba dumalane gore a tlaa thusa go dira tsela ya boleele jwa 1.6km mo kgaolwaneng ya bone, le go dira borogo jwa dinao go ya kwa sekoleng se segolwane sa Samane. Fa a gakolola, o ne a lemotsha barui ba dikgomo gore puso ga e sa tlhole e tlaa thusa mo go kenteng dikgomo tse di sa tsenngwang manyena. “Go ka tswa go lebega e kare puso e a tshwenya, e bile e a kgokgontsha, mme tota re leka go patika barui gore ba tsenye manyena. Puso e a senyegelwa ka go thusa le go tsisa ditirelo, mme go sena bosupi jwa gore dikgomo tsa go nna jalo ke tsa bo mang,” a tlhalosa. Fa ba mo kgwa kgaba, bontsi jwa batsadi ba ne ba le ’bete se molangwana ka boitsholo jwa banana, ba supa fa bontsi jwa banana bo sena boammaaruri, jalo selo se se dira gore go nne thata go ka ba adima lefatshe. Baagi ba ne ba supa ngongorego ya gore diterekere ga di a lekana mo dikgaolong tsa bone, ba supa fa ba lema nako e setse e ile. Ba ne ba re gantsi dithuso tsa temo ya ditema tse tlhano di tla ka tshokolo, jalo ba supa fa se se ba nyemisa moko. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Moremogolo go betlwa wa taola...
Go tlhalositswe fa go ima ga banana, go nna le bakapelo ba bantsi, go inyadisa, go nwa bojalwa phetelela le go dirisa diritibatsi e le ditiro dingwe tse di tshwenyang mo toropong ya Jwaneng. E rile a bua bosheng mo phuthegong e bagolo le baeteledipele ba toropo eo ba neng ba biditse banana kwa kgotleng ya Raphalane go tla go ba fa maele a go tshela botshelo jo bo phepha bo na le maikarabelo ka jaana botlhoka tsebe jwa banana bo ile magoletsa, Kgosi Nkaelang Lekgoa a tlhalosa fa go ora molelo le banana e le tsela nngwe ya go buisana le go tlhaloganya gore ba dirwa ke eng go ikgolaganya le botlhoka tsebe. O boletse fa gape go tla a thusa go tla ka megopolo e e ka rarabololang botlhoka tsebe joo ka e bile banana ba tshwaraganetse tiro eo le bagolo ba toropo. Kgosi Lekgoa o kaile fa letlhaku le lesha le agelwa mo go le legologolo ka jalo go le maleba gore bagolo ba arogane le banana maele a botshelo gore lefatshe la Botswana le nne le baeteledipele ba ba nang le boikarabelo mo isagong. Kgosi Lekgoa o kgothaditse banana go fetola matshelo a bone mme a ba kopa go tlogela go iphitlha ka mafoko a Setswana a tshwana le monna selepe oa fapaanelwa gammogo le monna ga a botswe kwa a tswang teng, go dira botlhoka tsebe. Fa ba tswa la bone, banana ba kaile fa go ima ba sale bannye go bakwa ke go tlhoka lerato la batsadi kwa malwapeng jalo ba felele ba le batla mo banneng ba ba tona kana ba ba setseng ba na le malwapa. Ba tsweletse ba tlhalosa fa go nwa bojalwa phetelela le go dirisa diritibatsi gone go bakiwa ke go batla go itumedisa ditsala le keletso ya go lekeletsa dilo. Ba tsweletse ba tlhalosa fa tlotlo e tlhaela mo batsading ba bone ka jaana bagolo ba ratana le balekane ba bone mme seo se diga boleng le tlotlo e ngwana a ka e fang motsadi wa gagwe. Mongwe wa batsadi, Mme Boitumelo Abobe, o kgothaditse batsadi ka ene go tsalana le bana ba bone ka jaana go tlaa dira gore ba gololesege go bua le bone. O kgothaditse batsadi go tshela ba na le boikarabelo gonne bana ba tsaya malebela mo go bone. Mme Abobe o tsweletse a kgothatsa banana go nna le maikaelelo a a tsepameng gore ba seka ba kgarakgatshega le menate ya lefatshe ka go supega fa e sa age botshelo ka gope. O tsweletse a ba rotloetsa go itirela ka diatla go tila go batla go direlwa mo go feletseng ka go ba bakela mathata a go nna le bakapelo ba bantsi. Motshwarelela modulasetilo wa banana, Rre Tebogo Lore o lebogetse dikgakololo tse ba di filweng a kaya fa di tla a ba thusa e bile di ba kgothatsa go fetola matshelo a bone. BOKHUTLO
health
6
Kesupile o rotloetsa tiriso ya madi
Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile o rotloeditse banni ba kgaolo ya gagwe ya Nyorosi Botlhaba go dirisa lenaneo la LG 1109, la madi a P10 million go tlhabolola kgaolo ya bone ka botswapelo. O buile jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla mo Kanye ko kgotlaneng ya Nyorosi botlhaba bosheng. O ne a lekodisa kgaolo ya gagwe ka ditlhabololo le go tsaya megopolo go isa ko palementeng e e tlang ya kgaoganyo madi kgwedi e e tlang. O boletse fa madi a P10 million a a fiwang dikgaolo ka go farologana a tlaa ntshiwa ngwaga le ngwaga mme ke matshwanedi gore dikgaolwana di seka tsa salela ko morago mme di dirise madi ao ka botlalo go tlhabolola dikgaolwana tsa bone. Rre Kesupile o ne a bolela fa a swabile nko go feta molomo go bona ba Nyorosi botlhaba ba santse ba saletse morago mo go diriseng madi ao le mororo dikgaolwana tse dingwe di tsweletse pele. O boletse fa maikaelelo a puso go ntsha madi ao e le go nonotsha dikonteraka tsa mo gae le batho go tsenya letsogo go iphira le go hira beng ka bone. O boletse gore go tshwanetse go hirwa Batswana mo gae gore le bone ba ikinole mo lehumeng go na le go tsaya dikhamphane tsa batswakwa. Mo dikgannyeng tse dingwe o buile ka molao kakanyetso wa Matimela o o tlaa buisanngwang ke palamente, a bolela gore khansele e tlaa fiwa boikarabelo ja matimela. Ba a phuthe mme ba duedise beng ba one fa ba tsile go a golola. Rre Kesupile o boletse fa go tlaa nna le diofisi tsa matimela le babereki ba teng. Matimela a tlaa phuthelwa golo go le gongwe mme batho ba tlaa fiwa malatsi a matlhano go tla go tsaya leruo la bone, mme e re morago ga malatsi a le lesome le bone a tlaa bo a ka rekisiwa ka palabalo. O boletse fa gape fa leruo le le lwalang kgotsa le tsenwa le tlaa bolawa morago ga therisano le ba tlhatlhobo ya leruo mme morui a itsisiwe. O boletse fa dikgomo tse dingwe di tlaa rekisiwa ko BMC. O boletse fa yo o tlaa kgoreletsang baphuthi ba Matimela mo go phutheng matimela ba tlaa tseelwa dkgato tse di gagametseng. Ba tlaa lefisiwa P1000 kgotsa dikgwedi tse di lesome le bobedi mo kgolegelong. Fa ba akgela banni ba ne ba ngongoregela molao kakanyetso oo, ba bolela fa o tlaa bo o ba patika. Ba boletse fa ditshipi tsa dikgomo tsa bone di itsiwe ba tswanetse go leletswa go tla go tsaya leruo la bone. Mo go tse dingwe mothusa mapodisi a Kanye Assistant Superintendent Mogogi Mathaba o boletse fa borukutlhi ja dipetelelo bo golela pele mme bo diragala morago ga maitiso go tswalwa kwa dibareng. O boletse fa basimanyana ba ba ntseng ba tlhorontsha mo Kanye ba ipitsa Matsetsenkane ba tla bokhutlong ka gore thupa jaanong e lelela boatleng. BOKHUTLO
society
9
Bomme ba itshetletse mo go logeng ditlatlana
Lorato le Mme Selina Mafela le Mme Kerileng Keletso ba nang nalo mo tirong ya bone ya diatla, lo feta dikgwetlho tse ba di ralalang. Bobedi jo, go tswa kwa Mathathane, bo ikaegile ka go loga ditlatlana, selo se ba sa leng ba se thaile go tswa bonyaneng. Mme Mafela, 77 le Mme Keletso, 62 ba santse ba tshwere ka natla le gompieno mme ba dirisa setlhare sa mokolwane go loga ditlatlana, mekgabisa, mebanki e e tsenyang diaparo, manyena le sepe fela se moreki a ka eletsang go se logelwa. Bothakga jwa bone ke jo bo kgatlhisang, e bile ba ikaelela go kgaogana nayo fela motsing ba hularang. Bobedi jo bo tlhalosa fa go loga go le mo mading mo e a reng le fa ba itapolositse ba bo ba ntse ba tshweretshwere sengwe ba loga. Boitseanape jo, ba supile fa ba bo amule mo batsading. Morago ga go logela mo malwapeng ka lobaka, ba supile fa ba ne ba kopana le ba lephata la thuto ga e golelwe ba ba neng ba ba thusa go aga setlhopha sa bomme ba ba logang ditlatlana se se bidiwang, O Tlaa Robala o Tlaa Ja Eng, se mo nakong eno se sa direng sentle. Mme Mafela yo e leng modulasetilo wa setlhopha se a re se simologile mo dingwageng tse some tse di fetileng mme ka nako eo, se ne se na le bomme ba le masome a mararo mme bangwe ba ikgogela morago. A re maikaelelo a setlhopha e ne e le go kopanya bomme ba ba logang ditlatlana kwa Mathathane gore ba kgone go rekisa tse ba di logileng ba ikopantse mme ka go bona bareki ba le boutsana, bangwe basomola ka tlhogo. A re go reketla ga setlhopha, ga go a ka ga ba kgoba marapo, a supa fa bontsi jwa bareki e le batho basweu. Fa a tlhalosa ka tiro ya bone, Mme Mafela a re ba dirisa pelo ya setlhare sa mokolwane mme sone se nna mmala o o mosetlha. A re fa ba batla go tsenya mmala ba dirisa setlhare sa motsentsela se se fetolang mmala gore o nne morokwa. Mme Mafela a re go loga tlatlana go tlhokana le motho yo o nang le lerato la go loga mme a dira jalo ka kelotlhoko. A re fa motho a se kelotlhoko, o ka re ba loga mologo o o tshwanang mme fa o tsenya leitlho thata, o lemoge fa melogo e farologana ka go na le gore motho o ka logela mo teng kana a logela kwa ntle mme mologo o le mongwe o tshwanetse o tshwane mo go se motho a se logang. A re mologo o tshwanetse go lekalekana gore selwana se lebege, se seka sa nna melogo e e farologaneng. Mme Keletso yo e leng leloko la setlhopha a re le fa ba loga ditlatlana, ba na le kgwetlho ya go bapala mokolwane kwa se bonwang teng ka ba kgorelediwa ke ditlou. A re mo nakong e e fetileng, ba ne ba kgona go bapala mokolwane ntle le dikgoreletsi dipe ka go ne go sena ditlou tse dintsi mme tshologelo ya tsone e a ba boifisa ebile e busetsa tiro ya bone kwa morago. Mme Keletso o supile fa balogi ba Mathathane ba tlhokana le lefelo le ba rekisetsang kwa go lone ka go tlhoka lefelo go ba kgoba marapo. A re o eletsa fa ba ka e amogana kitso e ba nang nayo le banana mme go a tshwenya gore banana ba bo ba sena kgatlhego ya go ithuta go loga, a bolela fa go loga ditlatlana go tlaa felela go nyeletse. O supile fa bone ba ne ba nna le kgatlhego ba ithuta mo batsading ba bone mme fa ba re ba ruta banana, ga ba dumele ka ba tsaya gore go loga ditlatlana ke ga bagolo. Mme Keletso o supile fa ba eletsa fa puso e ka ba thusa go ba agela lefelo le ba ka direlang mo go lone a bolela fa seo se ka felela se rotloetsa bomme ba ba ikgogetseng kwa morago mo setlhopheng sa bone go boela mo go sone. A re ba na le lefelo le ba le filweng ke ba kabo ditsha mme ga ba ise ba kgone go aga ka ba sena madi.
arts_culture_entertainment_and_media
0
Itshupeng ka ditiro - Maele
Tona wa tlhokomelo lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho ya leswe, Rre Prince Maele o rotloeditse maloko a kereke ya Tree of Calvary Apostolic go nna sekao mo dikerekeng tse dingwe mo tirong ya go direla Modimo. Fa a bua kwa bokopanong jwa malatsi a paseka jwa kereke eo kwa Gootau bosheng, Rre Maele a re maloko a kereke eo, e e tlhamilweng ka 2014 a tshwanetse go itshupa gore a tlaa dira se se pharologanyo le se dikereke tse di duleng mo tseleng di se dirang. A re dikereke ka bontsi ga di kgone go itshwarelela mme o na le tsholofelo ya gore ka kereke eo e sale ntsha, e tlaa tswelela go sena dikgotlhang tse di ka bakang gore e thubege. Rre Maele a re go le pele dikereke di ne di sa letlelelwe di kgokgontshiwa ka magosi ba ne ba dumela fa baruti ba tlaa ba tseela morafe, mme seemo se fetogile ka puso e letlelela dikereke e bile di fiwa ditlankana le go abelwa ditsha gore ba age matlo a kobamelo Modimo. A re mo dingwageng tse di fetileng ditiro tsa dikereke di ne di bonala ka di ne di thusa setshaba ka go se agela dikole le dikokelo mme seo ga se diragale mo malatsing ano. O ne a rotloetsa kereke eo go tswelela e direla setshaba ka go bonala ba le mo tseleng e e maleba. Rre Maele a re go a bonala gore kereke ya Tree of Calvary Apostolic e itlhophetse pilara e e leng yone ya go aba ka fa e sale e tlhangwa ka 2014 e abetse batlhoki makgetho a le mmalwa, a bolela fa seo e le sone se puso e se batlang. O ne a gakolola maloko a kereke eo go tila dikgwetlho tse di ka busetsang kereke ya bone morago. A re go a bonala fa kereke eo e simolotse sentle ka e setse e na le makalana a fera bongwe mme e le ntsha go tlhangwa. Rre Maele o tlhalositse fa kereke e le gone kwa batho ba yang teng ba batla pholo mme dikereke di fetogile ka batho fa ba ya teng ba felela ba sa itumele ka go dirwa tse di kgatlhanong le molao wa Modimo. O ne a ba rotloetsa go tsamaya ka tsela e e supang fa ba itlhaloganya e bile ba itse kwa ba yang teng. A re ba tshwanelwa ke gore ba seka ba tsena mo dikgogakgoganong di tshwana le tsa go lwela maemo, go dira makgamu le gone go lwela madi le ditsompelo tsa kereke. Moruti Amos Moremi wa kereke eo o ne a bolela fa kereke ya bone e thailwe ka tlhotlheletso ya mowa o o boitshepo ke moruti yo motona ebong Moruti Abednico Senatla. A re maikaelelo a kereke ya bone ke go rera lefoko la Modimo le go sokolola ba ba mo lefifing go ba tsisa mo leseding. A re ba tsweletse ka go fetola matshelo a batho ka go farologana ka ba abela ba ba tlhokang e bile ba kgona go tshwara dithapediso ba itebagantse le tse di tshwenyang setshaba di tshwana le tsa dikotsi tsa tsela. Kgosi Maele Maele wa Gootau o ne a akgolela kereke ya Tree of Calvary Apostolic go tshwaragana le morafe ka go abela batlhoki. A re se se supa fa ba na le bone mo dilelong tse ba nang le tsone di tshwana le tsa botlhoki. BOPA
religion_and_belief
8
Bakwena ba tshegeditse ngwao
Mo ditsamaisong tsa batsoga pele, gone gole thona go tsaya tsela e ba bangwe ba neng ba sae tsamae mme e bile Kgosi ene ele molaodi le mokaedi wa morafe wa gagwe. Setswana se se reng “Lefoko la kgosi le agelwa mosako” sene se sa mpampediwe. Boitsholo jo, bo ne bo tsisa thokgamo, tirisanyo mmogo le lerato mo bathong ba maloba. Sekai sa botshelo jo go lebegang bone bo relela jo, se bonwa mo kgaolong ya Mokwena kwa Molepolole, Kopong, Gabane le Thamaga. E tla a re o re o gorogile kwa Kgosing kwa Molepolole o bone ka go kgathantshiwa ke dikago tse ditelele dile modikologa, difalana. Difalana tse go bolelwa fa di agilwe ke morafe wa Bakwena ka thuso ya puso ya ga Mmamosadinyana mo dinakong tsa maloba. E rile a bua mo potsolotsong, Kgosi Keineetse Sebele a supa fa difalana tse ene ele disigo tse morafe wa Bakwena o neng o ipeela dijo di tshwana mmidi, mabele le dinawa mo go tsone. A re dijo tse dine di isiwa ke morafe kwa kgosing morago ga thobo ele dikgafela, a tlatsa ka gore gone gape gona le masotla a a neng a lemiwa ke morafe o bo o a tlhokomela mme thobo ya one yotlhe e isiwe kwa Kgosing. A re se sene se dira gore morafe o tshwaragane. O supile fa dijo tse dine disa isiwe kwa kgosing gore a di akole a le esi, mme a re dine di dirisiwa go tshetsa baeng ba ka nako eo ba neng ba gorogela kwa kgosing ka gore gone go sena matlo a boroko jaaka diotele jaaka go ntse mo nakong ya gompieno. A re balwetsi botlhe go tswa mo dikgaolong tsa Botswana ka nako eo ba ba neng ba tsile bongakeng kwa sepateleng se gompieno e leng Scottish Livingstone bane ba gorogela kwa kgosing. Kgosi Sebele a re dijo tse dine gape di tshetsa balwetsi, bagodi, batlhoki le bana-le-bogole ba ba neng bale teng mo morafeng ka bane basa kgone go itirele. A re gone gona le thulaganyo ya go fa morafe dijo mme ene e dirwa ke kgosi le lekoko la gagwe, a kaya fa lekoko le lene le dirisa mepato go tsenya dijo le go di ntsha mo difalaneng. A re dijo tse dine di tswakanngwa le molora wa morukuru, motswere le motshetelo ele tsela ya go itsa diji di tshwana le tshupa. O boletse fa difalana tse di agilwe morago ga dingwaa tsa bo 1870 jaaka fa metse ene e tlhomiwa. A re mo go tsone dingwaga tseo ene ele nako e dintwa tsa maburu le merafe e mengwe di neng di bepa. Kgosi Sebele a re mo nakong ya gompieno, difalana tse di kafa tlase ga tlhokomelo ya ba lefelo la tshomarelo matlotlo a ditso ba Kgosi Sechele I Museum mme gago sa beiwa dijo mo go tsone. A re mo nakong e e fetileng di kile tsa dirisiwa ele diofisi tsa ba khansele ya Kweneng. Mongwe wa mabutswapele a Mokwena Rre Lekgoa Pheto o ne a rurufatsa mafoko a aga Kgosi Sebele mme a tlatsa ka gore ene ere ka dinako tsa gole tlala, morafe o nne o fiwe tsone dijo tse di neng di bolokilwe tseo. A re gape ene ere fa kgosi a bulela letsema morafe o fiwe peo gone mo dijong tse. E rile fa a tswa la gagwe mogolwane wa lefelo la matlotlo a ditso la Kgosi Sechele I, Rre Kawina Kawina a supa fa difalana tse di thusitse morafe wa Bakwena mo dinakong tse go neng gole thata gole leuba. Rre Kawina o supile fa maikaelelo a bone ele go busetsa difalana tseo mo tirisong ka go di dira diosisi tse go tla a rekisiwang dilo tsa botaki le ngwao mo go tsone. A re se, seka berekela segolo bogolo banana ba ba mo dikgwebong tsa botaki le ngwao, a re difalana tseo di mo tseleng e bajanala ba e dirisang goya kwa lefelong la diphologolo la Khutse le mafatshe a mangwe a tshwana Namibia le Zambia. A re mo godimo ga moo, difalana tseo di ngoka bajanala ka mekgabisa e e supang ditso tsa morafe wa Bakwena.
health
6
Mapodisi a ipelela katlego
E rile bosheng mapodisi kwa Selebi Phikwe a bo a ipelela katlego ya go dira ka natla. Fa a amogela baeng mo moletlong oo, Superintendent Victor Nlebesi o tlhalositse gore go simolola ka 2011 ba ntse ba amogela ditlankana di le mmalwa tse di supang fa ba dira ka natla mo tirong ya bone ya sepodisi mo kgaolong ya Legare. O kgothaditse ba sepodise gore ba seka ba nyatsa se ba se dirang le fa se ka tswa se le sennye ebile gape ba tshwanetse go bereka ba na le tebelopele gore ba kgone go ntsha maduo mo tirong. E rile a ema badiri ba sepodise ka lefoko, Mme Mmereki Pule yo e leng molomaganya lekalana la tokafatso maduo go tswa kwa ofising ya ga molaodi mo Selebi Phikwe, a tlhalosa fa a le motlotlo thata go bona a boetse gape go tla go ipela le ba sepodise sa Selebi Phikwe mo katlegong e ba e fitlheletseng ka e rile ngwaga e e fetileng ba bo ba kokoane gape go ipelela katlego ya bone. A re Superintendent Nlebesi o tshwanetse go rolelwa hutshe ka jaana e le ene a rweleng boikarabelo ja go bona gore mananeo a diragadiwa ka fa go tshwanetseng. O tlhalositse gore go ipelela katlego ga se go emisa go dira ka natla mme go raya gore ba tshwanetse go dira go feta fa ba dirileng teng. Mme Mmereki o tlhalositse gore tiro ya sepodise e lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi ka ba kopana le batho ba maikutlo a a farologaneng mme a ba kgothatsa go nna pelotelele le lorato ka tse tsotlhe di ka dira tiro ya bone bonolo. O tlhalositse gore go supagetse fa sepodise sa Selebi Phikwe se dira ka bokgabane mo nngweng ya ditsetlana tse di lesome tse di neng di supa fa badirelapuso ba sa fe setshaba ditirelo ka fa go tshwanetseng mme mo go ba sepodise sa Selebi Phikwe go sa nna jalo. Mme Mmereki a re sepodise ke sone se rweleng boikarabelo jwa go bona gore tebelopele ya setshaba se se babalesegileng go ya 2016 e a diragala. Mo mafokong a gagwe a tebogo, Kgosi Mareko Thipe a re go ipelela katlego ke matlhagola tsela go ya katlegong le go diragatsa ditoro tsa lephata. Kgosi a re ke maikaelelo a Botswana go fokotsa borukutlhi. BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
Beng ba diterekere ba dumelane
Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba Mme Botlogile Tshireletso, o kopile beng ba diterekere go tlhama lekgotla le ba tlaa le dirisang go kopa dithuso mo mmusong le go itshimololela dikgwebo di tshwana koporase ya lookwane la dikoloi le thekiso ya didirisiwa tsa temo jaaka megoma le dipolantara. Mme Tshireletso yo e bileng e le mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae o buile jalo kwa phuthegong e e neng e kopanetswe ke beng ba diterekere go buisana ka mogopolo wa go tlhama lekgotla la beng ba diterekere le go ipaakanyetsa letsema la ngwaga wa 2015/2016. A re go maswabi gore e re mmuso o na le mananeo a beng ba diterekere ba ka a dirisang go reka lookwane le didirisiwa tsa temo, bangwe ba bo ba santse ba lela ka go tlhaela ga megoma le dipolantara e bile bangwe ba bone ba lopa balemi madi a peeletso go reka lookwane le mororo mmuso o duelela balemi madi otlhe a go lemelwa. Modulasetilo wa lekgotla leo Rre Lesego Baruti o rile le ntswa maloko mangwe a sa tsene diphuthego tsa lekgotla, gone ba kgonne go kwadisa lekgotla leo le go dira molao-motheo. BOKHUTLO
religion_and_belief
8
Legal Aid Botswana e ikatametsa setshaba
Lekalana la Legal Aid Botswana le le thusang Batswana ba ba kobo dikhutswane ka dikgang tsa semolao le atametsa dithuso tsa lone mo merafeng ka go farologana E rile a buisa phuthegong ya kgotla kwa Maun, mogolwane wa lekana leo, Mme Kagiso Marumo a tlhalosa fa le tlhamilwe ka 2011 ka maikaelelo a go thusa ba ba kobo dikhutshwane ka ditirelo tsa bogakolodi le bobueledi mo makgotleng a ga mmakaseterata, lekgotla legolo la ditsheko, kgotla ya ditsheko tsa khiro, lekgotlana la tsa ditsheko tsa lefatshe le lekgotla legolo la boikuelo mabapi le dikgang tsotlhe tsa molao tse di ka amang tsa lelwapa, tsa khiro le ditshenyegelo. O tsweletse a re moikopedi wa dithuso tse ga a lopiwe sepe fa e se fela go tla ka sesupo sa Omang, dipampiri tsa khiro di supa kamogelo ya motho yo o kopang thuso fa e le mmereki le dipampiri tsotlhe tse di amanang le kgang e e tlhokang tirelo ya bone. O tlhalositse gore go dirisiwa makgetho a puso go duelela ditirelo tse ka jalo moikopedi ga a tlhoke go duela sepe fela go ka akola ditirelo tse. A re ditirelo tsa bone ke tsa maemo a a kwa godimo ka di dirwa ke babueledi ba ba ikemetseng ka nosi ka fa tlase ga lekalana le le okametseng babueledi. Mme Marumo a re motho mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tsewa ka tekatekano fa pele ga molao ka jalo lekgotla le, le ikemiseditse go dira tsotlhe mo thateng ya lone go lekalekanya sekale sa tsamaiso-molao ka go tsisa ditirelo tsa molao go botlhe ba ba di tlhokang. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Charles Letsholathebe o boletse fa a leboga lekalana la Legal Aid Botswana fela thata ka a re le tla araba selelo sa batlhoki. BOKHUTLO
society
9
Setlhopha se tlhagisa bakgweetsi ka metshameko
Setlhopha sa bodiragatsi sa Tsedikgolo House Of Theatre go tswa kwa Mmankgodi se tsweletse ka letsholo la bone la go tsamaya le ruta setshaba ka ipabalelo tseleng ga mmogo le ditlamelo tsa Motor Vehicle Fund (MVA). Fa a bua mo potsolotsong le BOPA morago ga motshameko kwa motseng wa Moshaweng, moeteledipele wa setlhopha seo Rre Ishmael Leshetla a re ba dirile tumalano ya madi a selekanyo sa P248 000 mo ngwageng go etleediwa ke ba MVA gore ba tsamae mo metseng ya Kweneng ga mmogo le dikgaolwana tsa yone go ruta batho ka dilo tse di bakang dikotsi tsa tsela ga mmogo le gore o duelelwa bongaka fa o gobetse jang mo kotsing ya tsela. Rre Leshetla a re mo motshamekong wa bone ba ruta batho kgathanong le lebelo le le fetileng selekanyo, go tlhoka go tsenya lebanta la pabalesego le la bana, go kgweetsa o nole, go kgweetsa o bua le mogala wa letheka ga mmogo le go kgweetsa o lapile. “Lenaneo la MVA le re rutang batho ka lone le botlhokwa thata ka le go fa tlhokomelo ya botshelo jotlhe fa o gobetse mo kotsing ya tsela, eseng go go fa madi gore o ikise kokelong jaaka pele mme gompieno molwetse ga a amane le madi a bongaka gope ka gore lantlha batho ba ne ba dirisa madi ao botlhatswa," ga tlhalosa Rre Leshetla. O tsweletse a bua gore ba oka tatedi ka go kwala mekwalo e e laletsang batho gore ba tle go ba bona ba diragatsa ga mmogo le go kopa bogogi jwa metse e ba e etelang gore ba laletse banni ba metse eo gore ba tle go itseela thuto ka botlalo. A re gape ba dirisa diletso tsa mmino go oka tatedi ka e le nngwe ya dilo tse di dirang gore batho ba nne le keletso ya go ya go bona gore go eng kwa go lediwang teng, mme seo se dire gore banni ba nne le kgatlhego mo motshamekong wa bone. Rre Leshetla a re mo metseng e ba setseng ba ile kwa go yone jaaka Thamaga, Kumakwane le Mmankgodi banni ba metse eo ba supile kgatlhego e e nametsang le go ba akgolela bodiragatsi jwa bone a tlatsa ka gore banni bangwe ba ne ba supa fa ba sa itse ka ditlamelo tsa MVA mme morago ga motshameko oo, le dithuto ba kgatlhegela go rutiwa ka ditlamelo tsa MVA ga mmogo le ipabalelo tseleng. Mongwe wa banni Mme Gotshola Maruping a re o ithutile thata mo motshamekong oo gore go botlhokwa go ipabalela tseleng ga mmogo le go itse gore fa o gobetse mo kotsing ya tsela o duelelwa bongaka eseng go fiwa madi jaaka batho ntse ba itse. Mme Maruping o rotloeditse banni ba metse e mengwe go tsaya melaetsa eo ka tlhwaafalo gore ba ikgaphe mo dikotsing tsa tsela. BOKHUTLO
arts_culture_entertainment_and_media
0
Ba isa malebogo
Lelwapa loora Race kwa Tonota, le le neng la makatsa ba le bantsi fa le segofadiwa ka mawelana a barwa a le bane bosheng, ba re ba lebogela kemo nokeng e ba tsweletseng go e fiwa ke puso le setshaba ka kakaretso. Mafoko a malebo a builwe ke mmaagwe motsetsi, Mme Ledoba Race. Mme Pego Race o ba belegetse bana bao kwa kokelong ya Nyangabwe kwa Francistown. Mme Race o ne a bua jaana jaaka morafe wa Tonota, bagwebi ba ba direlang mo motseng oo ga mmogo le ba-na-le seabe ka go farologana ba agela masea ao ntlo gape ba tsweletse ka go lere tsotlhe tse di tlhokegang go ka tlamela masea le mmaaone. Ntlo e e agIwang ke ya dikamore tse pedi le sephato mme e dirwa ka fa tlase ga mokgatlho wa bopelotlhomogi wa Thapelo Olopeng Foundation, mme maikaelelo ke gore ntlo e e bo e fedile mo lebakeng le le sa fediseng pelo. Dingwe tsa botlhokwa tse ba tsweletseng ka go di amogela ke melora, dijo le tse dingwe, mme Mme Race o supa fa ba leboga Modimo godimo ga tsotlhe go bo a segofaditse lelwapa la gagwe ka masea ao. “Go tsholwa ga bana ba le bane nako e le nngwe fela ke tshegofatso e kgolo e bile ga se tiragalo e e tlwaelesegileng, ka jalo re itumetse e bile re amogetse ka tsoo pedi,” a bua ka monyenyo. Maina a masea ke Tshimologo, Tshenolo, Tshiamo le Tsholofelo mme a tlhalosa fa a kaya gore tshimologo le tshenolo ya dilo tse di siameng e setse e gorogile mo lapeng la bone mme ebile gape seo se ke tsholofelo ya gore ba tla tswelela ba tshela ka boitumelo. Masea a a dira gore palo yotlhe ya bana ba ga Mme Pego e nne lesome, basetsana ba le bane le basimane ba le barataro. Nkuku o ne a re ntle le dithuso tse di tswang mo setshabeng, ne go ka nna morwalo o o ngomolang pelo go ka tlamela bana ba ka jaana ba bangwe le bone ba santse ba le dingwaga tse di ko tlase. Fa a tswa la gagwe, Mopalamente Olopeng o ne a akgola mowa wa tshwaragano le bopelotlhomogi o Batswana ba o supileng tebang le go fa boo Ra Race dithuso tse di maleba. A re e ne ya re go utlwa mokgosi o, mokgatlho wa gagwe wa ikgolaganya le bagwebi le ba na le seabe ka go farologana ka tsebe ya maranyane ya Facebook go kopa dithuso ka go farologana. Rre Olopeng a re dithuso tse ba setseng ba di amogetse di a nametsa, e bile bontlha bongwe jwa tsone ba bo dirisetse go gokela metsi le go aga ntlwana ya boiteketso. O bile a supa fa ba setse ba simolotse go aga ntlo e bile a supa gape gore dithuso tsotlhe di tlaa dirisiwa ka tsela e e nitameng e bile e na le motlhala o o mo pontsheng. Go sale foo, Rre Olopeng o galaleditse Batswana go bo ba santse ba tsaya dikgang tsa bopelotlhomogi ka tlhoafalo. A re e re ntswa puso e dira ka gotlhe e bile e intshitse setlhabelo tebang le dikgang tsa bopelotlhomogi, tshwaragano ya mhama o o ikemetseng le yone e botlhokwa ka jaana seo se ka lere maduo. Tona Olopeng o bile a re se Batswana ba se dirileng se tlaa godisa lorato le kutlwelobotlhoko o o tswang goo-Lowe. BOKHUTLO
society
9
Kgolo ya Morupule e ama masimo
Balemi-barui ba masimo a a kwa Serowe botlhaba ba mo therisanong le puso, morago ga gore moalo o o dirilweng ke ba lekgotla la kabo ditsha o supe fa masimo a le 153 a ya go amiwa ke kgolo ya moepo wa magala wa Morupule. E rile a ba rolela ka ditsamaiso mo phuthegong ka Labotlhano, mokwaledi wa lekgotla le lebotlana la kabo ditsha la Palapye, Rre Boikago Maswabi, a tlhalosa fa ba tswa kgakala le ditherisano le balemi, jaanong sebaka se tsile sa gore ba amogiwe lefatshe la bone go sutela ditlhabololo. Fa a rola pego ya gagwe Rre Maswabi o ne a tlhalosa fa Palapye a gola ka bofefo, mme ebile e le boremelelo jwa tse di tlhokegang jaaka motlakase, ka jalo, bone e le ba makgotla a mabotlana a kabo ditsha, a masimo a a amegang a leng mo ditsamaisong tsa bone jaaka e le Serowe, Palapye le Paje ba tsisitse morero ba romilwe ke puso. Rre Maswabi o ne a re puso e ikaelela go atolosa phetlho ya mtlakase o go lebegang o tlaa tlhaela fa nako e entse e tsamaya, a supa fa moepo oo wa magala e le o o bulegileng (open cast mine). A re go lemosegile fa seo se ya go oketsa phetlho ya motlakase o e ka nnang ya re kgabagare wa lekana lefatshe leno wa bo wa rekisediwa a a mabapi. Mme a rotloetsa setshaba se se yang go amega go lebelela ditlhabololo tse di tlaa solegelang dikokomane tsa lefatshe leno molemo mo isagong. O ne a re morero o ya go tswelela go fitlhelela tiro eo e wela. Go solofelwa gore moepo oo o simolole go bereka ka 2018. Dipotso le dikakgelo di ne tsa botswa mme balemi-barui ba masimo a a yang go amega ao ba supa fa ba sa dumelane le gore ba duelwe ka ditlhwatlhwa tsa puso, tse bangwe ba neng ba re di siilwe ke nako, fa bangwe ba ne ba re dituelo di dirwe ke ba Debswana ka ke bone ba laolang moepo oo. Ba ne ba re dituelo tsa puso di kwa tlase fela thata.
politics
7
Boammaaruri ga bo jelwe pheko
Banni ba Somelo mo kgaolong ya Nhabe ba kopilwe go nna ba bua boammaaruri ka dinako tsotlhe fa bana le baeng, segolo jang matona le bathusi ba bone gore mathata a bone a kgone go rarabololwa sentle. Seo se builwe ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Olebile Gaborone bosheng fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo, a re mokgwa wa gore batho ga ba bona matona kgotsa bathusi ba bone mo metseng ba bo jaanong ba batla go senyana ba bangwe maina, ke selo se se sa siamang. O ba tlhaloseditse gore ba nne ba bua dikgang jaaka di ntse gore ba kgone go bona dithuso tse ba di batlang ka nako. Mothusa tona o ba boleletse fa a ne a ile go bona motse wa bone le gone go ba lekola. Rre Gaborone o kopile batsadi kwa Somelo go tlhokomela bana ba bone ka dinako tsotlhe le go ba neela lerato ka go bona gore ba tsena dikole, ba sa abelwe batho jaaka go tlwaelesegile. A re ngwana o tlhoka lorato lwa motsadi ka nako tsotlhe eseng gore ba tsenngwe mo ditirong tse di tlwaelesegileng tsa go disa dikgomo ba santse ba le bannye, a tlatsa ka gore ke molato o motona go dira jalo. Fa a amogela baeng kgosi ya motse oo, Rre Mokhutshwane Komee o lekodisitse tona gore motse wa gagwe o na le batho bale 695, e le batho ba ba tshelang ka lenaneo la Ipelegeng, a tlhalosa fa mananeo a a mo motseng a nyeletso lehuma a sa dire sentle. O tlhalositse fa kgang kgolo e le lenyora, a bolela fa mo nakong ya gompieno ba thusiwa fela ke dipula tse di neleng gore ba kgone go nwa mo megobeng. A re fa e sale koporasi ya metsi ya Water Utilities e tsaya tiriso ya metsi mo kgaolong, ke mathata fela mo motseng wa bone. Kgosi o kopile gore ba direlwe fa go ka tlhatswiwang metsi teng ka a re bana le sediba se se ntshang metsi a mantsi, mathata a re ke gore a letswai mme ga a ka tlhatswiwa a ka ba lekana. O ngongoregile gape ka tsela a re e maswe fela thata. O ile gape a re ba sale ba kopile kagelelo ya polasi e ba nnang mo go yone ka a re ba tsentswe ke dipolasi fa gare. A re fa ele gore kgang eo e a pala, bogolo ba tlhalosetswe fa go ka seke go kgonagale. Mothusa mookamela tokafatso ya matshelo a batho Mme Mmaphefo Setabo-Kgetse, o tlhalositse ka melao ya tlhokomelo ya ngwana, a bolela fa e diretswe go rotloetsa le go sireletsa bana mo go sepe fela se se ka ba diragalelang. O kopile ba masika go emisa mokgwa wa go batla go tlhokomela bana ba gongwe ba tlogetsweng ke batsadi ba lebile dijo tse ba di fiwang mme tota ba sa ba neele lorato, a re go dira jalo ke molato o motona o motho a ka o sekisediwang. Mme Setabo-Kgetse o ba kgothaditse go dira dikomitsi tsa tlhokomelo ya bana mo motseng wa bone mme ba sa re ba tshwanelwa ke go duelwa ka jaana komiti eo e tla a bo e le ya go bona fela gore bana ba a tlhokomelwa, mme fa ba sa tlhokomele e le ba komiti ba ka tsaya kgato go thusa bana bao. O tsweletse a ba kopa go kgala thata mowa wa go baya bana letlhokwa kana go ba nyadisa ba santse ba le bannye, a re go dira jalo ke molato ka jaana go a bo go gatakwa ditshwanelo tsa bone. O ba kgothaditse gore ba seka ba aba bana le go baya monwana sepe se ba sa se tlhaloganyeng. Modulasetilo wa khansele potlana ya Maun Rre Galaletsang Mhapha o solofeditse banni ba motse gore khansele e tla a sala dikgang tsa bone morago go bona gore di a diragadiwa. Bokhutlo
society
9
Kedikilwe o rolela sekole dimpho
lick to see more pictures Mothusa tautona o roletse sekole se sebotlana sa Central kwa Palapye dimpho tsa boranyane jwa madi a a ka tshwarang P260 000 go tswa kwa khamphaning ya CSA. E rile a bua kwa moletlong oo, Dr Ponatshego Kedikilwe, yo gape eleng mopalamente wa Mmadinare, a tlhalosa fa a tsweletse ka go kgobakgoba fa morago ga ditiro tse dintle tse etlaareng mo isagong di solegela setshaba mosola, ka go fa ngwana mongwe le mongwe ditsompelo tsa thuto go mo ntsha mo lehumeng. Mothusa tautona a re thuto ke lemao le le ntlha pedi, le ka tlhaba kobo le moroki, a supa fa e tlhoka gore ba ba e neelwang ba e tseye ka matsetseleko le boikarabelo, ka go sa nneng jalo e ka ba tswa ka diphatlha tsa menwana. A re ga twe ba dipitse bonang ba dinao, a tlhalosa fa go tewa gore batho ba gopole ba ba dikobo dikhutshwane, gone gore go fokodiwe dipharologano fa gare ga mohumi lemohumanegi. A re mpho e e tlaa ba ntsha kwa morago le gone go tokafatsa matshelo a bana. O boletse fa se se tla thusa bana go ya pele le go tsena mo teng ga maranyane go itseela botsipa le boitemogelo le go bopa bokamoso jo bo rileng. O boletse gape fa se se tla thusa go fitlhelela tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2016. Dr Kedikilwe o ne a kgothatsa setshaba go tshwaraganela kgodiso ya bana gotswa moding le gone go tokafatsa boleng jwa bone, a gatelela fa go dira jalo go ka ba fa boikarabelo, boitseanape le tebelopele mo thutong ya bone ka bophara le gone go e tsaya ka tlhwaafalo. O ne gape a re Rre Jacob Mothupi ke motshola sesikalala, ke mosupa tsela ya thuto ka maikaelelo a go e isa mankalankaleng; a re seo ke thuto, ngwao, bokamoso le gone go gasa lesedi la botshelo mo baneng. A re fa boranyene jwa dikhomputara bo le teng boka ntsha maduo a a eletsegang. O ne a re ele ruri motho yo o tshwanang le Rre Mothupi o a tlhokwa. A re seabe sa gagwe se tlhatswa pelo gape se tiisa moko. O boletse fa ba kompone ya CSA ba itebagantse gape le go rutuntsha batho ka tsa boranyane, ka go fa ba fa dikitso tse di farologanyeng ka boranyane jwa dikhomputara. A re ele ruri se ke lesego le le gaisang, bogolo jang ngwana wa Motswana a batla go bona thuto e tlhabologile ka go nna le seabe mo go e tlhabololeng le gore ere isagong bo Mothupi ba bangwe ba nne teng ba tle ba mo je boswa ba tsweledise. Mothusa tautona o ne a bua ka lenaneo la thuto le le sekasekilweng la 1992/93 le leneng le re batsadi ba tsengwe mo thutong ya bana ka go neelwa boikarabelo jwa go kopanela tsamaiso ya thuto le barutabana ka dikomiti tsa PTA. A re seo se ne sa tokafatsa seemo sa thuto fela thata sa e baya mo maemong a a kwa godimo. O ile a re maduo a lokwalo lwa bosupa mo sekoleng seo a lebega a ne a ya godimo, nako e nngwe a wele tlase mme a galaletsa barutabana gore mono ngwaga ba dirile sentle thata a bo a ba kgothatsa go dira le go feta; a ba rolelela didirisiwa tseo tsa maranyane. Fa a fa malebo, mopalamente wa kgaolo ya Palapye, Rre Moisarela Goya , o ne a re letsatsi leno re tsile go bona maduo a peo ya ga Rre Jacob Mothupi e e jwadilweng mo mmung o o siameng. A re itsholelo ya lefatshe e laolwa ke boranyane jo bo tshwaraganyeng, lefatshe ka bophara. O ne a kgothatsa barutabana le baithuti go dirisa didiriwa tseo ka kelelelo gore di tle di akolwe ke ba ba tlang kwa morago. A re gape di tsile ka nako e e siameng e sekole sa maranyane sa BUIST se simolotseng go bereka, a gatelela fa jaanong bana ba Central bone ba ya go tsena mo go tsa boranyane ka maitenogeleo a a kwa godimo ka ba tlaabo ba amule kwa moding. Rre Goya a re thuto eka tswakanya itsholelelo fa bana ba ka e tsaya ka tlhwaafalo, a fa sekai ka lefatshe la India le a reng boranyane jwa teng bo rutilwe bana, jannong ba tsholeditse itsholelelo ka go romela madi a mafatshe a sele kwa gae ka bokete, a re seo seka diragala le mono gae. O ile a kopa gore a letlelelwa go tswa ka mogopolo wa gore a ntlo eo ya maranyane e bidiwe “Jacob Mothupi Laborotary”. Mopalamente o ile a kopa dikopone tse dingwe go thusa go gokela boranyane jwa inthanete. O ne a kopa sekolo sa Central go se ikgagapelele boranyane joo jwa dikhomputara mme ba bo dirise le dikole tse dingwe tse di senang jone.
education
4
Thapelo e ka thusa go lwantsha borukutlhi
Maloko a dikereke tse tharo tsa semowa mo kgaolong ya borwa a ka thusa go lwantsha borukutlhi jo bo apesitseng kgaolo ya bone kobo ka letshoba bogolo jang jwa leruo. Go buile jalo kgosi ya Molapowabojang, Kgosi Kedirile Letshabo, kwa merapelong ya go rapedisa morafe wa Mosamowakwena fa a amogela dikereke tseo mo kgotleng ya bone bosheng. Dikereke tseo ke ya Memorial Apostolic, The Hill of God, le ya Bethesda. Kgosi Lesthabo o boletse fa borukutlhi jo bo diragalang kwa Mosamowakwena bo batla dithapelo, a re ba lela selelo sa khuruanyo ya meno ka ntata ya borukutlhi jo bo thobaetsang banni bosigo le motshegare. O boletse fa ba kopile gore puso e age ofisi ya mapodise mo Molapowabojang gore seemo se tle se bepe. O kopile dikereke go kopanya ditlhogo go bereka ka bongwefela ja pelo go rapedisa metse ee amelweng ke borukutlhi. O boletse fa mo baebeleng go na le melawana e e some go balelwa le ya gore o seka wa utswa, wa bolaya le go eletsa selo sa mong ka wena. Le fa gontse mookamedi wa kereke ya Memorial Apostolic, Bishop Morekisi Keleofile o boleletse phuthego gore ba bone go le maleba go rapedisa Mosamowakwena ka borukutlhi bo ile mogoletsa go na le metse ee mabapi. A re ba tseelwa ditsabone ba lebile fela ka matlho. Bishop Keleofile a re fa e le leruo lone ba le tsaya ko mahulong le mo sakeng tota, o boletse fa ba utswa dikgomo, dipodi, dikoko le mae a tsone, ditonki le bana tota. Ke sone ba gwetlhegileng go bitsa merapelo. A re dithapelo tsa modimo o ka thusa morafe wa ga bone. o boletse fa motlha o tla go tla go nyeletsa ba ba dirang melato. Mogolwane wa mapodise go tswa Lobatse Assistant Superintendent Benedict Matlho a re dipalo tsa borukutlhi di supa fa ka 2014 go nnile le borukutlhi jo masome a mabedi le borataro mo motseng o palo ya o ne e sa feteng makgolo a matlhano. Borukutlhi ja teng ke ja go tlhoka botho mo pepeneneng, bogotswana, dikgobalo tsedi potana, bogodu ja leruo le ditlhapa tse di masisi. Ramapodise o kopile barui ba kgaolo eo go tshuba le go tshwaya leruo la bone le santse le le botana, le go tlhokomela leruo la bone ko morakeng e seng go tlhatlhela ba bo ba di tlogela. O boletse gape fa bana ba rongwa motokwane le ditiro tse di maswe. Dikereke tseo di ne tsa etela sekole sese botana sa Mosamowakwena ko mogokgo Mme Phama Sepako yo a boletseng fa sekole sa bone se sa dire sentle mo dithutong mme matsapa e le gore batsadi ba roma bana boleo. Mme Sepako o boletse fa bananyana ba utswa dipensele, madi a barutabana, go lwa, matlhapa, go tshaba sekole le go goga motokwane. BOKHUTLO
religion_and_belief
8
Moepo wa Orapa o thusa baithuti
Babereki ba lekalana la Central Workshop go tswa kwa moepong wa diteemane kwa Orapa ba ithaopetse go tlhokomela baithuti ba le babedi ba sekolo se segolwane sa Motsumi kwa Letlhakane. Maitlamo a a tserwe ngogola ke setlhopha sa borre le bomme ba le masome a mabedi le botlhano ba sena go dumalana ka moono wa go bona gore ba ka thusa jang mo setshabeng. Ba ne ba dumalana go batla bana ba le babedi ba ba nang le botlhoki kwa sekolong se segolwane sa Motsumi JSS, go ba tswa thuso. E rile a bua mo boemong jwa babereki ba ba ipopileng ba, Rre Gaolathe Matakata a supa gore ba ne ba bua le mogokgo wa sekolo seo, Rre Meshack Sechele, gore a thuse go tlhopha baithuti ba le babedi ba ba tlhokang thuso. Rre Matakata a re baithuti boo babedi ke basimane, mongwe wa bone o dira mophato wa bobedi fa yo mongwe jaanong a fetetseng kwa mophatong wa bone kwa sekolong sa Letlhakane Senior Secondary School. A re le fa gone go supagetse ba tswa mo malwapeng a itsholelo e e kwa tlase, sebe sa phiri ke gore ba ne ba sa akarediwa go thusiwa ke khansele. Rre Matakata o ne a supa fa maikaelelo a bone e le go tswelela le bana ba go fitlhelela ba fetsa sekolo, e bile ba le mo seemong sa gore ba ka kgona go ithusa mo botshelong, a bo e le gone ba ka tlhophang ba bangwe go ka ba tswa matshidiso. E ne yare a bua, a supa fa maikaelelo a bone ele go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba, le le rotloetsang setshaba go nna kutlwelo botlhoko. Rre Matakata a re ba itebagantse le go rekela bana paka yotlhe ya sekolo, diaparo tsa metshameko, dikobo tsa mariga, diaparo tsa kwa lwapeng, melora le tse dingwe tse ba di tlhokang, a tlatsa ka gore ba kopile batsadi gore bana bao ba nne mo sekolong gore ba kgone go bona sebaka sa go ithuta sentle le go somarela tse ba di abelwang. Mogokgo wa sekolo Rre Sechele o akgotse maiteko a babereki bao fela thata, a supa fa ba bolokile bana bao fela thata, ka seemo sa bone se ne se ka ba tlogedisa sekolo. A re seemo se ba neng ba le mo go sone se ne se dira gore ba lebege o kare ba kgethololwa mo baneng ba bangwe ka jalo ba ne ba nna ba sa wela maikutlo mme seo se kgoreletse dithuto tsa bone. BOKHUTLO
society
9
Khansele potlana ya Mahalapye e sekasekile malapa a le 12 526
Malwapa a le 12 526 mo metseng e le 29 kwa kgaolong potlana ya Mahalapye a setse a sekasekilwe ke ba boipelego. Modulasetilo wa khansele potlana ya Mahalapye, Rre Banthasetse Merementsi o tlhaloseditse BOPA gore mo malwapeng a 12 526, go kwadisitswe a le 10 952 gore ke one a tlaa abelwang dijo mo nakong eno ya kiletso mesepele go lwantsha kanamo ya segajaja sa COVID-19. Rre Merementsi a re ba boipelego ba tsweletse ka ditshekatsheko le kwadiso ya malapa mo metseng e e setseng. "Re simolotse go abela malwapa a a kwadisitsweng morago ga go sekasikiwa ke ba boipelego, ka Labone. Re setse re simolotse go aba kwa metseng ya Tobela le Taupywe. Se re se dirang ke gore, dijo tse di a kgobokanngwa a bo di isiwa kwa malwapeng a a kwadisitsweng go netefatsa gore batho ga ba ye go tlala kwa marekisetsong ka gore ba tshwanetse go nna mo malwapeng," Rre Merementsi a tlhalosa. "Re setse re bone dimausu le mabentlele a a tlaa re thusang ka dijo mo tirong e. Le bone re ba kopile go tsaya makwalo kwa ofising ya rona gore e re ba bua le ba marekisetso a matona go ba thusa ka dijo tsotlhe tse di tlhokegang, ba bo ba na le sesupo sa gore ba na le tumalano le rona ya go re thusa ka dijo," Rre Merementsi a kaya. O supile fa ba boipelego ba ne ba patelesega go aba dijo gone fela foo, mo malwapeng a le 138 a ba fitlhetseng seemo sa one se tlhokana le thuso ya dijo ka potlako, fa ba tsweletse ka ditshekatsheko. "Ke na le tsholofelo e ntsi ya gore mo bekeng e e tlang, re tlaabo re setse re weditse go sekaseka le go kwadisa malwapa otlhe a a mo metseng e setseng ya kgaolo. Re tlaabo jaanong re simolola go tswela kwa ntle, re ya go dira ditshekatsheko kwa masimong le meraka," Rre Merementsi a tlhalosa. Go tlhofofaletsa ba boipelego tiro, Rre Merementsi o kopile banni ba Mahalapye go nna mo malwapeng, go itsa gore ba seka ba boela malwapa a go fitlhetsweng beng ba one ba seyo. Rre Merementsi o tlhalositse fa malwapa otlhe a ba boipelego ba fitlhelang go sena ope, a tlaa boelwa go sena go wediwa tshekatsheko ya malapa otlhe mo kgaolong. A re mo nakong ya gompieno, ba boipelego ba le 132 ke bone ba tsweletseng ka go dira ditshekatsheko le kwadiso ya malwapa kwa kgaolong. Mo badiring botlhe ba, a re ba le 70 ke badiri ba sennela ruri, ba le 57 ke badiri ba ba thapilweng ka nakwana ba ba weditseng dithuto tse dikgolwane, ba le bane ke badiri ba ba tlogetseng tiro ka bogodi, fa a le mongwe e le modiri wa kokelwana ya bana ya Baylor.
society
9
Seemo sa tsela se hutsafatsa banni
Banni Ngware le Botlhapatlou mo kgaolong ya Kweneng ba lela ka seemo se se maswe sa tsela e e lomaganyang metse ya bone segolo jang ka dinako tsa dipula. E rile banni ba metse eo ba buwa mo diphuthegong tsa kgotla di buiisiwa ke Mothusa Tona wa Ofisi ya Merero ya ga Tautona,Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri kwa metseng eo ba ikuela ka seretse sese thetsweng gore se sentse tsela ya Botlhapatlou/Ngwarele le Ngware/Malwelwe Banni bare ba lekile go buwa nako e fitileng gore mmu o dirisitsweng go kata tsela o le seretse ebile o ya go thatafatsa dilo ka dinako tsa dipula mme boikuelo jwa seka jwa tsewa tsia, ba supa fa mo nakong eno sebata se tletse ba kaeeletswe mme go sena kwa ba bonang thuso teng. Mothusa Tona one a tlhaloganya bothata jwa batho ba metse eo jaaka fa a ne a nna le sebaka sa go dirisa tsela ya Botlhapatlou/Ngware koo goneng go bonala fela dikoloi tsa puso tsa di 4x4 tse le tsone dineng di goga ka bokete fa metsamao ya tsa beng ba tsone ene e eme tsi! Rre Matlhabaphiri o ne a supa fa a tlaa rolela lephata le le lebaneng bothata joo le ntswa a tlhaloganya fa kgang ya tlhaelo ya madi e santse e tsweletse ka go kgoreletsa maiteko ape ago dirwa ga ditiro tsa ditlhabololo. Kwa motseng wa Ngware banni mo go bone go le Rre Ntsimele Tsunke ba ngongoregile ka bogosi jwa Ngware gore bo ikgatholositse matshwenyego a morafe ka go sa rere kgotsa go lekodisanya le morafe ka dikgang tse di amang tlhabololo ya motse. Rre Ontiretse Kgothang le ene o supile ka monwana moemela kgosi mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Kgosi Itsoseng Gaoonwe gore le ene o kgathologile morafe o a o eteletseng pele are ere ntswa ele moemedi wa kgaolo kwa Ntlong ya Dikgosi ga ake a tsibogela go lekodisa morafe ka dikgang tsa kokopano jo Ntlo ya Dikgosi. Kgosana wa tetlanyo kwa Ngware Rre Nti Kelelekile o kopile puso go thwaafalela tlhabololo ya mabaka a tiro a dikgosana tsa tetlanyo go tshwana le a bodirela puso gore ba kgone go adima madi mo dibankeng le gone go nna le gratuity le leave. Ere ka jaana gotwe tsholofelo ga e tlhabise ditlhong, morafe wa motse wa Ngware o lebogile le iteela legofi tlhaloso ya Mothusa Molaodi wa Ditlhabololo tsa kgaolo ya Letlhakeng Mme Oritjiua Setekia gore dithulaganyo sa kago ya sekolo se segolwane kwa motseng oo di wetswe mme se ya go agiwa mo ngwageng wa madi wa 2014/15 Banni ba lebogetse tsholofetso eo ba supa fa ba tswa kgakala ba itaa mpipi agana go tswa lebadi digwaga dile lesome mme go se nko etswanang lemina jaanong ba tshepha fa karabo ya nako eno e se ya go ba ba ya bobi matlhong. Mabapi le matshwenyego a baapei ba borotho bam o gae gore khansele e ba phuagantse ka go sa reke borotho mo go bone ntle le morero, Mothusa Mokwaledi wa khansele ya Letlhakeng Mme, Ekannamang Ramasimong, o tlhalositse fa diphetogo tseo di bakilwe ke tlhalelo ya madi le gore seemo setlaa boela mannong mo tshimologong ya ngwaga o tlanag wa madi. Mafoko a malebogo a Mopalamenete wa kgaolo ya letlhakeng Botlhaba Rre Likat Kablay ene ya nna go kopa mothusa tona go bona gore lephata la Dikitsiso kwa Letlhakeng le rekelwa koloi a supa fa e teng e feletswe le lobaka e bile e ketefaletsa bodiredi tiro. Are go botlhokwa gore lephata leo le nne le ditsompelo tse di tshwana dikolo ka jaana ele lone Mapalamenete le Matona ba ikaegileng ka lone mo dithulaganyong tsa kanamiso ya diphuthego ka mananeo a puso
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Dikgwetlho di tshwentse mogokgo
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Etsha 13, Rre Isiah Njavera a re o tshwentswe ke dikgwetlho tse a lebanyeng natso jaaka moeteledi pele wa sekolo. O buile jaana mo phuthegong e e neng e tshwerwe mo kgotleng ke mokhanselara wa Etsha 13/ Jao, Rre Dikoro Ngunga, fa a lekodisa morafe ka dikgang tse di builweng kwa khanseleng gammogo le go tsaya megopolo mo go bone. Rre Njavera o ne a tlhalosa fa ba lebanywe ke kgwetho ya go tlhaela ga matlwana a borutelo mo go bakang gore bana bangwe ba rutelwe kwa ntle ntswa go le serame. O ne a tlatsa ka go re se se bakwa ke gore sekole se amogela bana ba le bantsi go fetisa jaaka se kgona. O ne gape a bua ka tlhaelo ya matlo a boroko a barutabana, a supa fa mangwe a one a tlhokana le go baakangwa. Are se se bakile gore barutana bangwe ba felele ba hirisa matlo kwa metseng e e mababi jaaka Etsha 6. Rre Njavera o ne a nankola fa ofisi ya ga mogokgo e le nnnye mme a patelesega go pitlagana mo go yone le mothusi wa gagwe. Fa a bua ka letlhoko la dibuka le didirisiwa dingwe tsa thuto, Rre Njavera o ne a re seo ke lengwe la mabaka a a bakang gore bana ba seka ba dira sentle mo dithutong. Rre Njavera o ne gape a bua a sa kgale mathe ka batsadi ba ba sa tlhokomeleng bana. A re bana bangwe ba tla sekoleng ba se phepha e bile ba sa apara diaparo tse di bothitho mo serameng. Rre Njavera a re o itemogetse dipalo tse di kwa godimo tsa bana ba ba tlogelang sekole mo dingwageng tse tharo tse di fetileng. Ka jalo o ne a kopa batsadi go thusa barutabana ka tlhokomelo. O ne a ba kopa gore ba nne ba etela bana kwa sekoleng kgapetsakgapetsa. O ne a re le fa go na le tlhaelo ya dijo kwa sekoleng, o na le tsholofelo ya gore seemo seo se tlaa baakanngwa, mme a kopa batsadi go fa bana sefitlholo pele ga ba ya sekoleng, a bo a konotelela kgang ya gagwe ka go itsese batsadi ka kwadiso ya bana ba ba tlaa bong ba dira lokwalo lwa ntlha ngwaga o o tlang.
education
4
Batlhophisi ba rotloediwa go sala molao morago
Batlhophisi mo ditlhophong tse di tlang tsa setshaba ba kopilwe go dira tiro ya bone ka tlhwaafalo, ba setse melao ya tlhopho morago. Molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Rapetse Mathumo le mokwaledi wa khansele ya kgaolo Rre Charles Amos, ba ntshitse kopo eo mo ithutuntshong e neng e rulagantswe ke ba ofisi e e ikemetseng ka nosi ya ditlhopho, kwa Domboshaba Lodge kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro. Ba re batlhophisi ba tshwanetse ba netefatsa gore ba tsaya boikarabelo jotlhe le go nna kelotlhoko le pelotelele mmogo le go dira tiro ya bone ka maatlametlo, go hema diphoso tse di ka felelang di bakile mathata. Rre Mathumo o ne a supa fa tiro ya go tlhophisa e le masisi, ka jalo e tlhokana le go dirwa ka kelelelo. Molaodi o ne a supa fa matshelo a Batswana a tlaabo a le mo diatleng tsa bone, a re ka jalo ba seka ba bo ba letlelela phoso epe go diragala, ka seo se ka duba sengwe le sengwe mme le bone ba felele ba tsene mo mathateng a a seng kana ka sepe. Rre Mathumo o ne a rotloetsa batlhophisi bao go bala buka ya melawana ya ditlhopho gore e age mo ditlhaloganyong tsa bone, go direla gore sengwe le sengwe se ba se dirang, a bo e le se ba tshwanelwang ke go se dira; se tsamaelana le melawana eo ya ditlhopho. Fa gatelela dintlha tseo, Rre Amos o ne a kopa batlhophisi go tsaya boikarabelo jo bo kwa godimo, go dira tiro ya bone ba le tlhaga e bile ba sa sekamela ntlheng epe. A re tshaba ya lefatshe leno e sale e ipeetse seelo sa go tshegetsa ditlhopho tse di tsamaisiwang sentle e bile di gololesegile, ka jalo batlhophisi ba tshwanetse ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go dira tiro ya bone ka botswapelo, ba sa laolwe ke mabaka mangwe a botshelo. Rre Amos o tsweletse a ba rotloetsa go laola maikutlo a bone, go tsamaelana le tikologo e ba tlaabong ba direla mo go yone. A re ba tshwanetse ba simolola go beela kwa thoko diemo dingwe tse e ka reng ka letsatsi la ditlhopho tsa ba fudua. A re go dira jalo go ka ba thusa gore ba tle ba kgone go dira tiro ya bone ka botlalo mme ba tile go supiwa ka menwana, a bo a ba gwetlha go tshegetsa melaetsa e ba e amuleng mo ithutuntshong eo, a re go ka nna thona gore e re ba sena go fiwa dithuto tseo, ba bo ba tla ba itirelela fela ba itlhokomolosa melawana ya ditlhopho. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa ofisi ya ditlhopho mo Masunga, Rre Salini Bafaneli le ene o ne a kopa batlhophisi go dira tiro ya bone ka manontlhotlho, a re dikgwetlho tse ba ka kopanang le tsone di seka tsa ba faposa mo maikaelelong a bone. Rre Bafaneli a re, e re ka jaana bangwe ba bone ba kile ba tlhophisa mo ditlhophong tse di fetileng, fela go a tlhokafala gore ba rutuntshiwe ka jaana go na le diphetogo dingwe tse di nnileng teng morago ga foo. Batlhophisi ba ne ba itsesiwe gape fa ba tla fiwa sebaka sa go tlhopa kgwedi ya Phalane e le lesome le boferabobedi, mme ba ba ikwadiseditseng ditlhopho kwa kgaolong ya Tati Botlhaba, ba tla tlhophela kwa sekolong sa Shanganani JSS kwa Tsamaya,fa ba ba ikwadiseditseng kwa kgaolong ya Tati Bophirima bone ba tla tlhophela kwa Masunga, kwa diofising tse di kopanetsweng ke maphata, mo ntlong ya diphuthego tsa khansele, mme le ba bangwe fela jalo ba ka ya go tlhophela kwa dikgaolong tse ba ikwadiseditseng kwa go tsone. Bokhutlo
politics
7
Ipaakanyetso ditshupo e tsweletse
Ba-na-le seabe ba kopilwe go ema ka dinao le go dira ka natla go netefatsa gore ditshupo tsa kgaolo ya Kgalagadi Borwa di a atlega. Kopo e, e dirilwe ke modulasetilo wa komiti ya ditshupo, Rre Moses Chimbombi mo phuthegong ya babega dikgang bosheng. Modulasetilo o supile fa maikaelelo a bone e le gore ditshupo tsa kgaolo di tshwarwe ngwaga le ngwaga e le tsela ya go rotloetsa balemi-barui. A re di dikile di sa nna ka lebaka la go tlhoka go kopana le go lomagana sentle le ba tsaya karolo. Rre Chimbombi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa komiti ya gagwe e tsweletse sentle mo paakanyong ya ditshupo tseo, tse di tlaa tshwarwang kgwedi e e tlang e tlhola letsatsi go fitlha kwa go a le mane. O solofeditse fa ditshupo tse e tlaa nna tsa maemo a a kwa godimo ka ba sa tswa go tsaya malebela kwa kgaolong ya Ghanzi. Modulasetilo a re sengwe se ba tswang go se ithuta kwa ditshupong tsa koo ke ka fa di tsamaisiwang ka teng, ka fa ditlhotlhwa tsa disupiwa di bewang ka teng, thulaganyo ya go dirwa ga masaka, mabelo a dipitse, kabo dikgele le tse dingwe. Rre Chimbombi a re ka tshwaragano ya bone le ba temo thuo tsholofelo ke gore balemi barui ba tle ka dipalo tse di kwa godimo go tla go supa tsa temo, tsa ditiro tsa diatla, diruiwa le tse dingwe. Rre Chimbombi o boletse fa mo nakong ya gompieno ene le ba komiti ya gagwe ba setse ba tsentse diphuthego tsa kgotla mo mafelong ka bontsi mo kgaolong ka maikaelelo a go gasa molaetsa le go tlhalosetsa morafe mo go tseneletseng ka ditshupo. O supile fa ba dikgwebo tse di potlana ba setse ba ikwadisitse ka dipalo tse di kwa godimo. A re tsholofelo ke gore dipoelo e tlaa nna tse di kwa godimo bogolo jang mo bagwebing ba maroko le babangwe ka jaana ba solofetse gore ditshupo tseo di tshologelwe ke bontsi go tswa mo lefatsheng leno le mafelo a a mabapi.
politics
7
Lekgotla le ikaelela go bula mmmaraka
Ba Tshukudu Horticultural Farmers Association ba ikaelela go bula mmaraka wa maungo le merogo kwa Francistown gore bagwebi botlhe ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba kgone go rekisa dithoto tsa bone teng. E rile a bua kwa ditshupong tsa temo thuo kwa Masunga bosheng, modulasetilo wa lekgotla leo, Rre Melton Bangale a bolela gore balemi ba merogo le maungo ba eleng maloko a lekgotla le ga ba na go tlhola ba letlelelwa go rekisa mo mekgwatheng mme go solofelwa fa ba tla tsisa thobo ya bone kw a mmarakeng oo. Rre Bangale a re dipaakanyo tsa mmaraka oo di weditswe mme o tshwanetse wa bula mo bogaufing jalo a supa fa go solofelwa gore balemi ba duela matsana a go nna leloko la lekgotla, selo se a reng se tla letlelela balemi go rekisa mo mmarakeng o. A re seemo sa loapi se se sa iketlang ke sone se se tshwenyang mo mohameng wa temo thuo, jaaka kapoko e e kileng ya wa bosheng e e amileng kgaolo eo gammogo le go tlhoka kwa balemi ba ka rekisang thobo ya bone teng. Mmaraka o tla thusa go batlela balemi ba kgaolo ya Bokone Botlhaba kwa ba ka rekisang thobo ya bone teng. Fa a ntsha la gagwe mongwe wa bagwebi, Rre Thuso Raditsebe yo o simolotseng kgwebo ya maungo le merogo ka 2008, kwa Matshelagabedi, a re go tlhoka kwa ba rekisang thobo ya bone teng ke kgwetlho e tona mo go bone gonne bontsi jwa mabenkele a matona bo tsaya maungo le merogo mo mafatsheng a a mabapi. Le fa go ntse jalo, Rre Raditsebe o ntshitse matshwenyego a gore balemi ba ne ba solofetse fa mmaraka o o tla bulwa Motsheganong monongwaga, se se dirileng gore ba leme go le gontsi. Molemi yo gape o kopile maphata a puso go ba rotloetsa ka go reka maungo le merogo ya bone. Molemi yo mongwe, Rre Enock Mosojane a re o solofela fa mmaraka o tla bulwa mo bogaufing go thusa go ba batlela kwa ba ka rekisang dithoto tsa bone teng. BOPA
economy_business_and_finance
3
Lenaneo le tswa maduo
Go tsibogela mokgosi wa ga tautona a lefatshe leno wa go agela ba ba tlhokileng lesego matlo go tokafaditse matshelo a ba bantsi. Se se buile ke mookamela kgaolo ya legare wa lephata la dikitsiso Mme Masego Pilane fa a bula semmuso ntlo e e agetsweng Rre Lefoko Dibebe wa kgotla ya Moumo kwa Serowe bosheng. Mme Pilane o tlhalositse fa maiteko a tshwana le a a dirilweng ke komiti ya ditlhabololo tsa kgotla eo a go agela Rre Dibebe ntlo ya kamore tse pedi a tswa tema. O tsweletse a re, “Matshelo a batho ba le mmalwa a setse a tokafetse morago ga gore Batswana,dikompone le makalana a inaakanye le lenaneo la ga tautona la go agela batlhoki matlo.” Mme Pilane o tlhalositse fa puso e ka seke ya kgona e le nosi bogolo jang morago ga kwelo tlase ya itsholelo, a tlatsa ka gore maiteko a go thusa ba ba tlhokileng lesego a botlhokwa. O supile fa maiteko a ele tsela nngwe ya go lwantsha lehuma le le apereng Batswana bangwe le e bileng puso ya Botswana e emeng ka dinao go le lwantsha. A re mowa wa go aba le go thusa ba ba tlhokileng lesego o rotloediwa ke botho le boipelego jo Batswana ba tswang kgakala ba ipelefatsa ka jone. Mme Pilane a re o dumela gore Batswana botlhe le bone ba tla a inaakanya le go diragatsa le go tlotlomatsa botho le boipelego jo ba itsegeng ka jone, a tlatsa ka gore se se dirilweng ke komiti e tshwanetse ya nna sekao mo dikomiting tse dingwe le morafe ka kakaretso. O rotloeditse Rre Dibebe go tlhokomela mpho ya gagwe. Mokhanselara wa kgotla ya Sunnyside, Rre Modisakgotla Makwati o gakolotse banni gore ba seka ba tsaya letshego la tebelopele ya setshaba le le rotloetsang gore batho ba kgathale ka bangwe ka bone e se sepe, a re le direletswe gore batho ba thuse ba ba tlhokileng lesego. Rre Makwati a re go thusa yo o tlhokileng lesego ga go itumedise ene fela mme go itumedisa mmopi wa lefatshe. Kgosi Mmuso Modise wa kgotla eo o ne a re komoti e supile tshwaragano le popagana e e mo pineng ya setshaba. A re fa popagano le tshwaragano e ka rena mo morafeng otlhe, matshelo a ba ba tlhokileng lesego a ka tokafala. Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa komoti eo, Rre Kebue Nata a re babereki ba Ipelegeng le morafe ba ne ba tsenya letsogo mo maitekong a go araba mokgosi wa go supa lerato. O tsweletse a tlhalosa gore komiti ya ditlhabololo tsa motse e eme ka dinao go thusa morafe ka ba setse ba agetse batho matlwana a boitiketso le go ba tsenyetsa dipompo tsa metsi. Rre Dibebe yo o nnang le bana le bana-ba-bana botlhe ba le masome a mabedi le bongwe o ne gape a amogela dimpho di akaretsa malao,diaparo,dikobo,ditilo go tswa mo bathong ka go farologana. Bokhutlo
society
9
Lekgotla le beile mo Batswaneng go ikwadisa
Mogolwane wa lekgotla le le ikemetseng la ditlhopho mo kgaolong ya Letlhakeng, Rre Gakenosi Motshwarakgole a re ba dirile maiteko otlhe a go lemotsha Batswana ka botlhokwa jwa go ikwadisetsa ditlhopho. Ka jalo a re go mo maruding a bone go ikwadisa go netefatsa gore ba diragatsa tshwanelo ya bone ya go tlhopha ngwaga o o tlang. Rre Motshwarakgole o buile se mo potsolotsong mme o ne a supa fa tlhopho e le motlhale o batho ba ka supang dikeletso tsa bone ka teng e bile e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe. O ne gape a kopa Batswana go ititaya ka thupana go netefatsa gore ba ikwadisetsa ditlhopho ka jaana ditlhopho di feela ditsela tsa gore ditlhabololo di nne teng gammogo le ditlamelo. O ne a rotloetsa Batswana go tsibogela go ikwadisetsa ditlhopho go sale nako go na le go emela motsotso wa bofelo ka jaana go kgona go nna le mosuke. Rre Motshwarakgole o supile fa ikwadisetso ditlhopho e e sa tswang go simologa kgwedi eno e tlhola gane e tsamaya ka lobelo le le kwa tlase fela thata fa go tshwantshwanngwa le dingwaga tse di fetileng. O supile fa bangwe ba akanya fa malatsi a go ikwadisa a le mantsi mme fela go sa nna jalo ka jaana go ka nna le mosuke o montsi ka malatsi a bofelo. O supile fa mafelo a ikwadisetso a bulwa le ka mafelo a beke go fa badirelapuso sebaka sa go ikwadisa ka jaana ba a bo ba tshwerwe ke tsa tiro fa gare ga beke. Le fa go ntse jalo,rre Motshwarakgole a re ntswa banni ba kgaolo ya Letlhakeng ba simolotse ikwadiso eo ka dipalo tse di boutsana, fela ikwadiso e simologile ka thelelo go sena mathata ape. Fa a itebaganya le banana ba lefatshe leno, Rre Motshwarakgole o supile fa ba ofisi ya ditlhopho ba setse ba itemogetse gore banana ga ba tlhophe ka dipalo tse di nametsang ka ba ntsha mabaka a a farologanyeng a gore ke eng ba le boitseme mo go tlhopheng baeteledipele ba bone,mme o ba kopile go boela seo morago mme fela ba iketleetse ka jaana tlhopho e le botlhokwa fela thata. Bokhutlo
politics
7
UNICEF e retloetsa batsadi go tlhokomela bana ka tlhoafalo
Mmueledi wa bana go tswa kwa lekgotleng la United Nations International Children’s Emergency Fund (UNICEF), Rre Peter Siele a re nako e tsile ya gore batsadi ba tseye tlhokomelo ya bana ba bone ka tlhoafalo go itsa go nna le bana ba go tweng ke bobashi le mathata a mangwe a a apereng bana. Rre Siele o buile jalo kwa phuthegong e e neng e tsenwe ke boeteledipele jwa Maun e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng kgolo ya Batawana bosheng, a re batsadi bangwe ba ikgatholositse boikarabelo jwa bone. A re batsadi bangwe ba palelwa ke go kgalemela bana fa ba simolola botsalano le borre ba dingwaga tse di kwa godimo ba sale bannye. O bile a gakolola gore nako e tsile ya gore go kopanelwe mogopolo go simolodisiwe dikomiti tse di tshwanang le ya VDC mme di lebanye le tlhokomelo ya bana. A re dikomiti tseo di ka thusa le gone gore di senole kwa ditagi di tshwana le motokwane le tse dingwe di rekisiwang teng. Rre Siele a re seo se ka thusa bana ka mo nakong ya gompieno e le bone ba ba sa robalelwang ke ditlhokwa, a tlatsa ka go re dikereke le tsone di ka thusa go kgalema bosula jo bo leng teng ka bana ba tshabelelwa ke dihawa, jaaka go thubega ga malwapa. A re go na le kakanyo ya go kopa puso go sekaseka go tlhongwa ga letsatsi la June 16 jaaka letsatsi le le faphegileng la go ikhutsa le go lemoga masula otlhe a a kileng a wela bana mo lefatsheng ka bophara. Rre Siele o bile a tlhalosa fa bana ba na le tshwanelo ya go itse batsadi ba bone ka bobedi go sa kgathalesege gore a ba nyalane kana jang. A re ke molato go lobela ngwana motsadi wa gagwe. O tlhalositse fa bone e le ba UNICEF ba sa fetole sepe fela mo molaong mme ba leka go tsweledisa fela le go kgothatsa batsadi gore ba itse botlhokwa jwa dikgang tsa bana ba bone. A re bana ba dirisiwa botlhaswa thata ka ba solofediwa dimpho tsa madi a a kwa godimo, a tlatsa ka go re go tlhabisa ditlhong gore e re motho a imisitse ngwana e bo e nna ene yo o sirelediwang. Kgosana Babinang Majatsie a re ke nnete gore bana ba a kgokgontshiwa, mme a re bana le bone ba reetse fa batsadi ba kgalema, a tlhalosa fa bangwe ba bereka ditiro tsa maemo mme ba tlogetse batsadi go nna batlhoki. Kgosana Elizabeth Sekeseke o ne a re ke matlhabisa ditlhong gore bontsi jwa borre ba dira bosetlhogo jwa go dirisa bana ba ba sa bueng e bile e le ba dingwaga tse kwa tlase thata. O bile a re borre ba ba dirang jalo ba tshwanetse ba fiwa dikatlholo tse di gagametseng, a re bogologolo bana ba ne ba apara makgabe, bangwe ditshega mme gone go sa nna jaaka gompieno. Rre Simon Gobera ene o kgadile thata melao ya lefatshe leno a re ke yone e neelang borre monyetla ka e sa gagamadiwa jaaka kwa mafatsheng a a mabapi. BOKHUTLO
education
4
Olopeng o gakolola banana go tsaya malebela
Mopalamente wa Tonota, Rre Thapelo Olopeng, o gwetlhile banana ba kgaolo eo go tsaya malebela mo matlhogotshweung. Rre Olopeng o buile jalo fa a ne a amogela molelo wa kgolagano ka Matlhatso. A re molelo wa kgolagano ke sekao sa gore fa o fetileng teng go sala go nna le maduo a ditso le ditlhabololo tse di tlaa salelang dikokomana. O rotloeditse banana go tla go tshegetsa boipuso jo bo tlaa tlang gape, jwa go ipelela dingwaga tse di masome a matlhano a a tlaa latelang go nna bone ba tsamaisang tiro eo ka botswerere a re dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. Rre Olopeng gape o rotloeditse banana go emisa mokgwa wa botlhokatsebe, mme ba nne sekao sa go etelela lefatshe leno ka botho, lerato le bopelotelele a tlatsa ka gore ba ineele mo Modimong ka gore poifo Modimo ke yone tshimologo ya botlhale. O tsweletse a re letsatsi leo le botlhokwa ka jaana ba sa ipelele molelo wa kgolagano fela,mme ba ipelela le matsalo a ga Kgosi Ramosinyi Radipitse. Rre Olopeng o gakolotse Bakhurutshe gobopagana go nna tshaba e e nang le kgatelelopele, e na le botho,e bile e utlwana ka go nna pelotlhomogi mo go bangwe ka bone. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya BOT 50 Rre Boyce Sebetela, a re molelo o o setse o tsamaile malatsi a le 183 mme o saletswe ke malatsi a le 183 go tsena kwa Gaborone. Rre Sebetela a re se, se supa fa Tonota a le legare la go amogela molelo wa kgolagano o o tlang reng ka Lwetse a le masome a mararo monongwaga, Rre Olopeng a o amogele jaaka a ne a o amogetse go tswa kwa go Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go o busetsa gape kwa go ene. A re tiragalo eo e supa fa seo e le boitumelo, jaaka ba ipelela masome a matlhano lefatshe leno le sena dikgogakgogano, a tlatsa ka gore ba tsamaya ba gakolola Batswana ka ngwao ya bone ya go itse gore ke bomang, ba tswa kae ,e bile ba ya kae. Rre Sebetela o tlhalositse fa ngwao mo nakong ya gompieno e fetogile go nna kgwebo jaaka dikhwaere di setse di feta masome a mane mo kgaolong, a re fa ba ka ikgobokanya ba ka betsa setlhako go oka bajanala. Kgosi Radipitse wa Tonota o amogetse morafe wa gagwe ka lefoko le le reng “Popagano ke Phenyo” ka jalo lesedi le tlaa sala le phatsima mo motsengwaTonota le fa o ka feta. Le fa go ntse jalo, Kgosi Radipitse o kgothaditse banana go ema ka dinao go anywa boswa jwa lefatshe la Botswana. O ba rotloeditse go sala ba godisa le go goga lefatshe leno, e seng go tsoga ba fetogile batshabi, a tlatsa ka gore molelo le fa o katima, lesedi lone le tlaa sala mo dipelong tsa bone.
society
9
Dikgosana ga di itumedisiwe ke dikatso
Dikgosana tsa tetlanyo mo kgaolong ya Nkange tsa re madi a dikatso a di a amogelang a mannye ebile a fitilwe ke tiro e ba e dirang. Ba ntshitse boikuelo jwa bone mo bokopanong jwa bone le Tona wa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, kwa Tutume ka Labotlhano. Ba boletse fa tiro e ntsi e dirwa ke bone ka batho ba feta ka bone pele ba ka ya kwa kgotleng e tona, ba re gape dikgang ka bontsi di kgona go rarabololwa ke bone kana go letlanngwa ke bone. Kgosi Morgan Kenalemang wa kgotla ya Timbi a re ka thulaganyo, ba tshwanetse go theogela malatsi a mabedi mo bekeng, mme seo ga se diragale ka batho ba nna ba batla thuso ya bone nako le nako, ka jalo ba nna ba le fa kgotleng letsatsi le letsatsi go thusa batho. A re lentswa madi ao a le mannye, ba ne ba kopa gore le bone e le dikgosi tsa tetlanyo ba thapiwe go nna babereki ba sennela ruri gore le bone ba tle ba akole dikatso tse di bonwang ke badirelapuso tse di tshwanang le madi a pension fa ba setse ba tlogetse tiro ka bogodi. Ba ile gape ba ngongorega ka melawana ya ditsheko tsa Setswana ba re ba e neelwa fela ba sa e tlhalosidiwe, mme e le yone e ba e dirisang go otlhaya badira melato. A re seo se ba ketefaletsa tiro ka ebile gape e kwadilwe ka sekgoa. Kgosi Alphonse Nsala wa Tutume, o ne a tlatsa ka gore le ba ba tlhongwang go nna dikgosi ga ba isiwe ikatisong go ba suga gore ba itse tiro, a re tiro ya bogosi e masisi bogolo jang fa go tla mo dikgang tsa ditsheko ka di batla motho a tlhaloganya a na le kitso ka tsamaiso. Dikgosi di ne gape di ne tsa supa ba lephata la kgaso ba re ga ba tsibogele diphuthego tsa mopalamente wa kgaolo lentswa a le tona. Ba re seo ga se ba itumedise ka ba akanya fa kgaolo ya bone e sa tsewe tsia. Fa a tsibogela mangwe a matshwenyego a dikgosi, Tona Batshu o ile a ba kopa go bopa lekgotlana la dikgosana gore ba kgone go nna lentswe le le lengwe.
politics
7
Se tseeng ba ba nang le mogare ka letsogo la molema
Balemi ba kgaolo ya Machaneng ba rotloeditswe go lema dijalo tse di kgonang go itshetlela mo nakong eno ya phetogo ya loapi. Se se builwe ke molemisi wa kgaolo ya Machaneng, Mme Kebaemetse Motemane kwa masimong a Tumasera/Seleka kwa balemi ba neng ba fiwa dithuto ka didirisiwa tsa temo, methale ya temo le go somarela bokgola mo mmung bosheng. Mme Motemane a re balemi ba tshwanetse go jala dijalo tse di kgonang go lepalepana le diphetogo tsa loapi tse di akaretsang mogote o o feteletseng le dipula tse di boutsana. A re dijalo di tshwana le lebelebele, mabele, dinawa le letlhodi ke dingwe tsa tse balemi ba rotloediwang go di lema. O kopile balemi go somarela bokgola ba dirisa ripara ka e bile e thusa gape le go thuba legogo le le ikadileng kwa tlase ga mmu. Molemisi o ne gape a supa matshwenyego ka balemi ba ba ’bete se molangwana go lema ka ditselana, ba re go isa thobo ya bone kwa tlase. A re thobo e isiwa kwa tlase ke bangwe boradirekere ba ba sa itseng go lema ka ditselana. A re bangwe dipolantere tsa bone ga di ntshe dipeo mme go bo go sa tlhoge. Mme Motemane a re balemi ba felela ba gasa ba tlhobogile temo ya ditselana. A re fa go lengwa sentle ka ditselana thobo e nna botoka e bile molemi o kgona go tlhagola sentle a tsamaya mo ditselaneng tse di fa gare ga dijalo le gone go tshela chefi mo dijing. Rre Sebaga Monyena, yo e leng moitseanape wa didirisiwa tsa temo mme a direla kwa Serowe, o ne a supa fa matshwenyego a kgaolo ya bone ka kakaretso e le tiriso ya dipolantere, dinako tsa go jala, kgang ya go itepetepanya le tsa tepo-loapi, go somarela bokgola le didirisiwa tse di somarelang bokgola. Rre Monyena a re bontsi jwa balemi ga ba na didirisiwa tsa temo tse di dirisiwang go somarela bokgola, fa ba bangwe ba na le tsone mme ba sa itse go di dirisa sentle. O ne a ikuela mo baleming go adimana kana go thusanya le gone go rutana go dirisa didiriwa tsa temo. Rre Monyena o ne a supa fa mo bontsing jwa masimo a go neng go direlwa dithuto mo go one, go na le diphatlha fa gare ga dijalo tse di lemilweng mme go supa fa polantere e ne e sa dirisiwe sentle. A re seo se gwetlha molemi gore a bone gore o kaba diphatlha tseo jang. O ne a ikuela mo go boraditerekere go emisa kgang ya go phaka masimo ka e ba diela go lema. A re bangwe ba kgona go lemolola masimo a le mantsi mme kwa bofelong ba bo ba tsaya sebaka se seleele ba sa a leme mme seo se babalele balemi. Rre Monyena o ne gape a gakolola boraditerekere go lemela balemi ba ba gaufi le bone go itsa ditshenyegelo tsa leokwane. A re bangwe ba kgona go tshela leokwane mo diterekereng mme fa ba tshwanetse go tsena gautshwne go lema ba tsamaya sekgala se seleele ba ya go lemela ba masimo a a kgakala ba bo ba lela ka leokwane.
health
6
Koki pottery e a solofetsa
Ba-na-le bogole ba tsweletse ka go itirela ka diatla. Mme Koketso Ntoka kwa Kanye ke mongwe wa ba ba sa eletseng go nna bophokojwe ba morago, ka jalo a simolotse kgwebo go tshetsang. Ka menwana e le metlhano fela ya letsogo la moja o dira bokgabane le bonokopila go itshetsa, a sa inyatse gore ke mo-na-le bogole. Mme Ntoka yo o nang fela le menwana mo letsogong la moja morago ga go kgaoga seatla sa molema, o bopa dijana tsa mabeelo a dithunya, mabeelo a mekgabisa, dikotlele le dipitsa tsa dithunya tse di kgabisang ga reng ga tse dinngwe a dirisa dipampiri tsa mae le tsa dikgang tse di sa tlholeng di le mo tirisong abo a kgabisa ka dipeo tsa ditlhare. O dirisa dipeo tsa ditlhare tsa mokabi, modubana, jacaranda le Christmas tree tse a di kopang mo dijarateng tsa batho fa tse dinngwe a di sela mo nageng. Mme Ntoka a re o simolotse tiro ya botaki ka 2013, mme ka ntlha ya gore o ne a sa ipapana sentle, kgwebo ya seka ya tsamaya sentle ka jalo ya phutlhama, a bolela fa monyenyo le kamogelo e ke tsone tse di gorosang bareki le barotloetsi sentle mo madirelong a gagwe a Koki’s Pottery a jaanong a mo jensang. O tlhalositse fa a ne a tsosolosa kgwebo ka 2015 mme ya mo fa tsholofelo ka jaana a ne a atolositse ipapatso e bile a reketse kgwebo ya gagwe tsotlhe tse ditlhokegang ka a ne a ntse a e kokotleletsa ka go bereka ipelegeng ka nako ya fa e phutlhame. Mme Ntoka a re o bapatsa kgwebo ya gagwe mo maranyaneng a facebook, dikarata tsa ipapatso ga mmogo le mo ditshupong ka go farologana. A re go tsaya karolo mo ditshupong go mo thusitse thata ka ipapatso le go mo tiisitse moko le go mogodisa mo a feletseng a ikgapetse dietsele di le mmalwa a supa ga ngwaga o o fetileng a ne a tseneletse ditshupo tsa bomme mme a gapa maemo a ntlha. O tlhalositse fa gangwe le gape a tsaya karolo mo ditshupong di le mmalwa tse di rulaganngwang ke maphata a puso ka go farologana jaaka la nyeletso lehuma, LEA, lephata la bong ga reng ga a manngwe. Mme Ntoka a re letseno le a le bonang mo thekisong le a nametsa ka jaana go sa tshwane le fa a ne a ntse ka mabogo ka jaanong a setse a kgona go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. A re tiro ya gagwe e tlhoka lerato le bopelotelele ka gore malatsi a manngwe o kgona go lala a dira bosigo fa tse dingwe dithoto di tsaya beke gore di bo di ka rekisiwa. A re kemonokeng le thotloetso o di tsaya mo go morwae ka jaana a sa mo felele pelo e bile a mo thusa bogolo jang ka tsa ipapatso ya maranyane. Mme Ntoka a re keletso ya gagwe ke go thusiwa ka lefelo le a ka direlang mo go lone ka jaana ko lapeng a sena mabeelo a lekaneng, a kaa gape fa a eletsa go ka thusiwe ka mnaneo a puso go godisa kgwebo ya gagwe “Ke simologetswe ke bogole ka 2005 morago ga gore ke kgaoge seatla kwa tirong kwa Gaborone,” a bolela. O supile fa go mo tsere sebaka gore a ikamogele mme ka sengwe le sengwe se na le paka ya sone, o ne a ikamogela le go tswelela pele le leeto la botshelo. “Ke ne ka tsaya botshelo jwa me ka bo bapisa le jwa tshoswane mme ka bona gore ga nkake ka gaisiwa ke setshidinyana se sennye jaana ka go itirela ka jalo ka ikemela ka dinao go itshetsa,”a latlhela. Mme Ntoka o gakolotse ba-na-le bogole jaaka ene go itsaya tsia, ba tlogele go inyatsa gape ba batle senngwe se ba ka se dirang go ba ntsha mo kgatelelong ya maikutlo le go le lehuma. Bokhutlo
economy_business_and_finance
3
Ba amogetse molao-kakanyetso
Banni ba Ghanzi ba amogetse molao-kakanyetso o mosha wa dinako tsa go bulwa ga marekisetso a bojalwa ba supa fa molao o tsile go tsisa pharologanyo e e molemo mo dikgwebong tsa bone. Ba buile jaana mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa mokwaledi mo lephateng la peeletso papadi le madirelo Mme Ontlametse Wards mo Ghanzi bosheng kwa ba tlhalositseng fa dinako tse disha di siame e bile di tsile go oketsa dipalo tsa babereki ba madirelo ao. Banni ba ne ba kopa gore go okediwe nako ya Ba ne ba kopa gore dibara di bulwe ka 8am e seng 12 gore ba kgone go bona dipoelo ka fa di bulwa ka 1200 ga ba nne le dipoelo tsa sepe, mme ba kopa gape gore go fokodiwe ditlhwatlhwa tsa bojalwa ka jaana e le tsone tse di dirang gore batho ba simolole go goga metokwane le tse dingwe ka di se turu. Ba kopile gore dinako tsa majalwa a Setswana di simolole mo mosong jaaka bogologolo ka jaana go na le ba ba tshetsang malwapa a bone ka go rekisa bojalwa ka jalo go tshwanetse ga bulwa ka dinako tse di siameng gore ba kgone go tsenya letseno. Banni ba ne ba kopa gore Batswana ba rutwe ka tiriso ya bojalwa le bodiphatsa jwa jone mo botsogong. Ba ne ba supa fa ba itumeletse therisanyo e, ka e le tsela ya go akaretsa maikutlo a setshaba sotlhe fa go dirwa molao. E rile Mme Wards a ntsha la gagwe a tlhalosa fa ba tsamaya le lefatshe ka bophara ba tsaya maikutlo ka molao-kakanyetso wa dinako tse disha tsa go bulwa ga marekisetso a bojalwa, a ba solofetsa fa a tla isa megopolo ya bone go sekasekwa. A supa fa go le botlhokwa gore Batswana ba rerisiwe ka melao gore le bone ba nne le dipaakanyo le dikgakololo tse ba di ntshang. O bolela fa gape therisanyo e le go lekodisana ka diphetogo tse di tlang gore ba seka ba di bona fa molao o bereka mme ba sa rerisiwa go le pele. Mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi Bokone Rre Noah Salakae o ne a leboga therisano, mme a kopa gore go lebelelwe kgang ya gore kgwebo ya bojalwa ga e a tshwanela go bapa le dikereke, dikole le tsela e tona. A re paakanyo ya melao e fitlhela ditlhabolo tse dingwe di le teng. Mopalamente Salakae o ne a batla go itse gore fa go okediwa dinako tsa thekiso ya bojalwa a go ne ga sekasekwa pele, e sere kwa morago ga nna le mathata. O ne a kopa bodiredi jwa molao ba byelaw le mapodisi go dirisana sentle le morafe fa ba diragatsa molao.
economy_business_and_finance
3
Batswana ba rotloediwa go ikanya Modimo
Batswana ba kgothaditswe go ikanya Modimo ka ele ene a ka kgonang mathata otlhe a batho ba tsayang gore ga a kake a fenngwa go akarediwa le malwetse tota. Mo pulo semmusong ya kgwedi ya merapelo kgatlhanong le bolwetse jwa HIV/AIDS kwa mDitshegwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, moruti wa Independent Assemblies of Botswana, Rre Alec Motlotlegi o boletse gore motho wa nama le madi o lekile bojotlhe go ka senka molemo o o ka alafang bolwetse jwa AIDS mme go padile, ka jalo ke gore go lejwe kwa Modimong ka ke ene fela a le nosi yo a tshotseng tharabololo ya sennela ruri. Moruti Motlotlegi yo gape e leng mooki kwa kokelwaneng ya Ditshegwane, a re go supa sentle fa Modimo a tshotse pholo ya bolwetse jwa HIV/AIDS ka jaana mo nakong eno bomme ba ba tshelang ka mogare wa HIV ba kgona go ima ba bo ba tshola masea a a itekanetseng a sena mogare oo le gone gore ba kgona le go amusa ka lebele mme ba feletse ba sa fetisetse mogare kwa maseeng a bone. O tsweletse a re tse tsotlhe ke ditiro tsa Modimo, mme e bile go supa fela sentle gore pholo e teng. A re fa a ka ikokobeletswa, mongwe le mongwe a tlogelwa ditsela tse di maswe, Modimo o ka tsisa mowa wa kutlwelo botlhoko mme a fodisa lefatshe leno. E ne e rile a ntsha maikaelelo a letsatsi, modiri go tswa kwa ofising ya molomaganyi wa mananeo a bolwetse jwa HIV/ AIDS mo kgaolong ya Letlhakeng, Rre Onkabetse Ntswetswe, a bolela fa se e le go tla go itshekatsheka go bona gore a go nale kgatelopele mo go fokotseng kanamo ya mogare gammogo le gone go tla go rebola go tshwarwa ga merapelo mo mafelong ka go farologana. A re mo merapelong e, mongwe le mongwe o tshwanetse a nna le seabe go kopa Modimo go fodisa bolwetse jo. O boletse fa dipatlisiso di supile fa kanamo ya mogare wa HIV e santse e itshupa e gola mo lefatsheng leno ka bophara go akarediwa le yone kgaolo e ya Letlhakeng e ka tlwaelo e nang le dipalo tse di kwa tlase tsa go anama ga mogare. Rre Ntswetswe a re ke sone se go kopiwang dikerekeng ka go farologana go simolodisa merapelo mme go solofetswe gore e tswelele go fitlha malatsi a le masome mabedi le bongwe. Fa a ntsha malebo, mokhanselara wa kgaolo, Rre Tsabahule Kgothang o kopile setshaba go ema ka dinao go thusa mo ntweng e, a bolela fa puso e le nosi e ka se kgone go tlhabantsha le go fenya bolwetse jo. Mokhanselara Kgothang a re ka tsone dikereke, mapolotiki, makgotla a a ikemetseng, puso le setshaba ka kakaretso, ntwa e ka fenngwa ga bo ga lebalwa, sengwe le sengwe sa boela mannong. BOKHUTLO
health
6
Elang tlhoko batho ba ba botlhabetsi - Reatile
Maloko a phati ya Botswana Democratic Party (BDP) a gakolotswe go ela tlhoko batho ba ba botlhabetsi mo phathing ya bone. Mafoko a, a builwe ke Mopalamente wa Ngwaketse Bophirima, Rre Mephato Reatile, mo phuthegong ya phatlalatsa ka Sontaga, kwa Molepolole. Rre Reatile o boile gape a gakolola maloko fa phathi ya Domkrag e tsere tshwetso ya gore go buiwe le batho ba ba batlang go nna mekoko go sa ntse go na le nako, gore maikutlo a bone a kokobele go ise go iwe kwa ditlhophong. Le fa go ntse jalo, o kopile maloko go seke ba reetsa dikgang tse eseng tsa nnete tse di buiwang ke ba kganetso. A re lefatshe leno ke lone fela le batho ba kgonang go bona bongaka jwa tlhwatlhwa e e kwa tlase. O gateletse gape gore batho botlhe mo lefatsheng leno ba akola mananeo a BDP go sa kgathalesege gore ba mo diphathing dife. Ka jalo, Rre Reatile o kgothaditse maloko gore ba tlhagafalele go bereka thata go ya ditlhophong tsa monongwaga. A re o dumela gore phathi ya BDP e tla fenya ditlhopho mo kgaolong ya Borakalalo ka e ya go emelwa ke batho ba ba nonofileng. E rile a tswa la gagwe mopalamente wa kgaolo, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri, a rotloetsa maloko a kgaolo ya gagwe ya Molepolole Bokone go ya go tlhopha konopo e khibidu, a kaya fa e le yone konopo ya botshelo. A re ba rekisa phathi e e iseng e fetole leina, le fa e le sekano. O boile gape a tlhagisa maloko gore ba seka ba tlhopha batho ba ba ditlhapa ka ba sa supe boikarabelo jwa go ka goga lefatshe. A re bone mo Domkrag ga ba rotloetse botho jo bo makgwakgwa e bile ba ka seke ba ikoketse marago ka matlapa. Bokhutlo
politics
7
Palo ya ba-ema-nosi e godile
Mogolwane wa ofisi ya ditlhopho, Rre Dintle Rapoo o supile fa dipalo tsa mekoko kana ba-ema-nosi mo ditlhophong di oketsegile. Rre Rapoo o buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Hukuntsi bosheng. A re go setse go ikwadisitse ba-ema-nosi ba mapalamente ba le masome a mabedi mme mo ditlhophong tse di fetileng go ne go ikwadisitse ba le lesome le bobedi, fa ba makhanselara ba le lekgolo, masome a a ferang bongwe le boferabobedi kgatlhanong le lekgolo, masome a mabedi le bone ka ditlhopho tsa 2009. O kopile tirisanyo mmogo a bo a tswelela ka go kgothatsa banana go ikwadisa ka dipalo di supa fa ba le maoto a tshupa go ikwadisetsa ditlhopho ntswa e le bone baeteledipele ba kamoso. O kopile maitshwarelo mabapi le tiego ya ipaakanyetso ditlhopho e e bakilweng ke gore go ne ga nna le palo batho e e dirwang morago ga dingwaga tse some ka 2011. O ne a tlhalosa gore kgaoganyo ya melelwane ya botlhophi le yone ke nngwe ya dilo tse di dirileng gore ipapatso ya bone e diege. Rre Rapoo a re ipapatso ya ditlhopho tsa monongwaga e nnile lolea mabaka e le letlhoko la madi kwa ofising ya IEC. O tlhalositse fa ba ne ba tsibogela seemo sa gore Batswana ga ba a ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di nametsang ka go ikwadisitse fela ba le 666 886 fa IEC e ipeetse seelo sa sedikadike ka Batswana ba ba mo seemong sa go tlhopha ba le 1.4 million. A re e rile go lemoga se ba rulaganya tlaleletso ya ntlha ya ikwadiso ditlhopho e e gogileng malatsi a le some e le yone e neng ya seka ya kgona seelo sa bone. O tlhalositse gape fa IEC e bonye go le maleba go rulaganya tlaleletso ya bobedi e bile e le ya bofelo ya ikwadisetso ditlhopho e e tlaa simololang Motsheganong a rogwa go fitlhelela a tlhola lesome le bobedi. Fa a ntsha la gagwe, mogolwane wa ofisi ya ditlhopo ya Kgalagadi, Mme Francinah Moeletsi,o supile fa dibuka tse di supang ba ba ikwadisitseng di le teng mo dikgotleng mme a rotloetsa batho go di tlhola go bona gore a maina a bone a kwadilwe sentle mme e re go sa nna jalo ba dire dipaakanyo nako e sale teng. A re ba dirile maiteko a go rotloetsa banana go tlhopha ka ba tlhomile monana yo e tlaa reng ka nako tsa diphuthego a bo a le teng go ema banana pele ka lefoko mabapi le mosola wa go ikwadisa le go tlhopha. Bagolo ba motse ba supile fa ba belaela gore kgaoganyo e ntsha ya melelwane ya ditlhopho e na le seabe mo go sa ikwadisetseng ditlhopho ka dipalo tse di utlwalang ga batlhophi ka ba sa itumedisiwe ke ka fa go kgaogantseng ka teng. Fa a ntsha la gagwe, Rre Famber Tshiamonyane o supile ngongora a re ditlhopho di tshwarwa letsatsi le le lengwe fela mme se se baya ba ba tshwaregileng ka mabaka a a farologaneng ka fa mosing. O rotloeditse banana go ikwadisetsa ditlhopho ka a re go supa kgolo mo mothong le boikarabelo. BOKHUTLO
politics
7
Ba itekodisa molaodi
Modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse wa Makuta mo kgaolong potlana ya Tutume, Rre Alakanani Thabiwa, a re motse wa bone o beilwe semmuso ka 2005 mme le fa go ntse jalo ditlhabololo di santse di saletse kwa morago. E rile a lekodisa molaodi wa kgaolo, Rre Michael Chilimba ka ditlhabololo tsa motse mo phuthegong ya kgotla bosheng, Rre Thabiwa a re ba tlhaloganya fa itsholelo ya lefatshe leno e santse e le kwa tlase, ka jalo ba kgonne go itirela dingwe di le mmalwa go leka go tlhabolola motse wa bone. Rre Thabiwa o tlhalositse fa ba kgonne go aga matlo a polokelo a le mabedi kwa kgotleng, ntlwana ya boiteketso ya metsi le ntlwana e nngwe ya lefuti kwa mabitleng. O tsweletse a tlhalosa fa ba solofeditswe dilo di le mmalwa di akaretsa go tlhabololwa ga kgotla mme le jaana go ise go dirwe. O kopile gore kokelwana ya nakwana (mobile clinic) e fetolwe e nne kokelwana e e ka thusang bosigo le motshegare. A re, kokelwana eo, e bulwa gangwe fela mo bekeng ka jalo balwetsi ba tlamega go etela dikokelwana tse dingwe mo metseng e e mabapi . O tsweletse a tlhalosa fa ba tlhokana le molemise, mmaboipelego le mokenti. Fa a ba kgwa kgaba, Rre Chilimba , o ne a akgola ba komiti ya ditlhabololo tsa motse fela thata , a bolela fa ba dira tiro e ntle e bile e eletsega. O ba tlhaloseditse fa itsholelo ya lefatshe e santse e le kwa tlase mme le fa go ntse jalo a tla fetisetsa dilelo tsa bone kwa go ba ba maleba
politics
7
Mapodisi a kopa badirisi ba tsela go ipabalela ka malatsi a Keresemose
Mothusa ramapodisi a Sejelo kwa Kanye o kopile badirisi ba tsela go dirisanya sentle mo ditseleng le go ela tlhoko matshwao a tsela ka malatsi a Keresemose le ngwaga o mosha. Assistant Superintendent Ernest Sesinyi a re mapodisi a tlaa bo a le malala-a-laotswe mo ditseleng go tlhomamisa gore setshaba se sireletsegile a gatelela gore ba ba tsayang loeto lo lo leele ba tsamaeye ba tla ba itapolosa mo tseleng. Rre Sesinyi o tlhalositse fa ngwaga le ngwaga ka nako eno e le ba sepodisi ba lekola dipalamo bogolo thata tsa setshaba go netefatsa gore di mo seemong se se siametseng go rwala setshaba ka malatsi a Keresemose. Ka jalo o kopile bakgweetsi go dirisanya sentle le bone fa ba ba emisa ka maikaelelo a go lekola dikoloi tsa bone gore a di siametse go ka dirisiwa gape o gwetlhile bakgweetsi go emisa go nwa bojalwa fa ba kgweetsa. Mo go tse dingwe, Rre Sesinyi o gakolotse setshaba go netefatsa gore ga ba tlogele malapa a le nosi ka nako ya Keresemose go thibela gore dirukutlhi di sale di ba senyetsa. A re go botlhokwa gore ba ba nnang ba le nosi ba hire dikompone tsa itshireletso(security company) gore di sale di ba tlhokomeletse ka nako ya fa ba seyo. Rre Sesinyi gape o gakolotse gore dikomiti tsa ntebelakegolebele le tsone di ka thusa ka e bile di rotloetsa bojammogo fa gare ga baagisanyi. Gape o gakolotse basetsana go fokotsa go tsamaya bosigo ba le bosi a re selo seo se ka tsenya matshelo a bone mo diphatseng di tshwana le petelelo. Rre Sesinyi gape o tlhagisitse batsadi go ela bana ba bone tlhoko ka malatsi ao go tlhomamisa gore ba babalesegile. O bile a kopa bareki go tshwara madi ka kelotlhoko go itsa go oka dirukutlhi.
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Temo ya merogo e bokete
Temo ya merogo e na le dikgwetlho tse dintsi. Rre Cosper Magaya yo o lemang merogo kwa Sekgopa, gaufi le Botalaote mo kgaolong ya Bokone Botlhaba a re dikgwetlho di fekeetsa dipoelo tsa balemi ba merogo ba neng ba ka di bona mo temong ya bone. Rre Magaya, yo o tlholegang kwa Zimbabwe mme a nna e bile a berekile mo mafelong a a farologaneng mo Botswana fa e sale 2007, a re fa a tshwantshanya seemo sa mo Botswana le sa kwa ga bone, mo Botswana go na le mefuta e mentsi ya diji le malwetse a mantsi a a kgoreletsang mhama wa temo ya merogo. A re bothata jo ke jone jo bo dirang gore ditlhwatlhwa tsa melemo ya diji le malwetse di ye kwa godimo, mme seo se tlame balemi go senya madi a mantsi le maiteko a mangwe mo go lekeng go tlamela dijwalo tsa bone. Bothata jo bongwe jo a bo boneng faesale a nna mo Botswana ke tlhaelo ya mmaraka wa merogo A re bothata jo, bo okediwa ke gore mabenkele a matona mono, a ikaegile thata ka merogo e e tswang kwa mafatsheng a a gaufi jaaka South Africa go na le go ema nokeng balemi ba mo gae ka go reka mo go bone. Kwa Ebenezer Greens, temo ya merogo e a e simolotseng ngwaga o o fetileng ka Sedimonthole, Rre Magaya a re o ne a nna le bothata jwa banana ba Batswana ba ba sa batleng go dira ditiro tsa diatla tse di jaaka tsa temo-thuo, selo se a reng se dira gore babereki ba seka ba nna lobaka lo lo leele ba le mo ditirong tsa bone. Mathata a mangwe a ba kopanang le one kwa polaseng ya Ebenezer Greens Farm, ke tlhaelo ya didirisiwa tse di ka hirisiwang jaaka diterekere. A re seo gantsi se dia tiro ya go lemolola masimo gore go tle go jwalwe. A re tlhaelo ya metsi mo sedibeng se se mo tshimong ke nngwe ya dikgwetlho tse di fokotsang selekanyo sa lefatshe le a ka le lemang. Le fa a faraferwe ke dikgwetlho tse, Rre Magaya yo o nang le dithutego tsa Degree in Agriculture Management o na le tsholofelo e ntsi thata gore o tlaa fetola tshimo ya gagwe go nna e e ntshang dipoelo ka dipatlisiso le dikanoko di supa fa merogo e na le dipoelo tse dintsi mo Botswana.
economy_business_and_finance
3
Makhanselara a amogela pego ya kgaoganyo ya madi
Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba a amogetse pego kakanyetso ya kgaoganyo ya madi a ditiro tsa khansele ya ngwaga wa 2019/2020. Ba amogetse pego, ee neng e rolwa ke modulasetilo wa komiti ya madi, Rre Dumani Kelepi mo phuthegong e e faphegileng ya khansele bosheng. Rre Kelepi o ne a tlhalosa fa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae le laetse khansele go fokotsa madi a ditiro tsa yone ka bongwe mo lekgolong. Ka jalo go nnile le phokotsego mo ngwageng wa madi wa 2019/2020 fa go tshwantshanngwa le ngwaga ono. Rre Kelepi a re phokotsego e dirile gore khansele ya Bokone Botlhaba e bone P164 955 490 go ka kgaoganngwa maphata otlhe a yone. A re ditiro dingwe tsa khansele ga di na go diragadiwa, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore bonnye jo bo leng teng bo dirisiwe ka kelelelo. “Mo kgaoganyong ya madi go ya ka maphata a khansele, maphata mangwe a tlaa bona koketsego, fa a mangwe a tla bona phokotso ya madi,” ga tlhalosa jalo Rre Kelepi. O tsweletse a tlhalosa fa lengwe la maphata a a okeleditsweng madi mo ngwageng ono e le la boipelego le tlhokomelo matshelo a batho ka jaana le tlaa tlhoka P28 542 140 fa go tshwantshanngwa le P26 107 660 wa ngwaga ono wa madi. A re lephata leo, le tlaa bona koketsego ya madi ka jaana go sa tswa go thapiwa badiri ba le masome a mabedi le boferabobedi ba lephata leo. Lentswa ba ne ba lebogela pego eo, mokhanselara mangwe a ne a supa fa a le sebete semolangwana ka phokotsego eo, ba bolela fa e tlaa ama ditirelo dingwe tsa khansele. Mokhanselara wa kgaolwana ya Masunga, Rre Elias Mbonini, a re go botlhokwa gore khansele e tsholetse dinao go tswa ka methale ya go iterela madi. O ne a supa gape fa go le botlhokwa gore khansele e batle ditsela dingwe tse ka tsone e ka kgonang go tlhama ditiro mo kgaolong go thusa puso mo manokonokong a letlhoko la mebereko. Mokhanselara wa kgaolwana ya Tshesebe, Rre Smarts Mathonsi, o ne a gwetlha khansele go tsosa dinao go phutha madi a e a kolotiwang, a tlhalosa fa madi ao a ka thusa go dira ditiro dingwe tsa khansele. Go sale foo, e ne ya re fa ba akgela mo pegong ya tshekatsheko ya lenaneo la ditlhabololo tsa kgaolo la boferabobedi (DDP8), makhanselara mangwe a ngongoregela go bo ditlhabololo dingwe tse ba neng ba di kopile kwa dikgaolwaneng tsa bone di sa akarediwa mo lenaneong leo, fa tse dingwe di fokoditswe.BOKHUTLO
politics
7
Mahalapye o lela ka mapalamelo
Banni ba Mahalapye ba re ga ba jesiwe diwelang ke seemo sa maemelo a dipalamo tsa setshaba a motse wa bone. Ba buile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefhe, mo bekeng eno. Ba kaile fa seemo se, se sa ba itumedise fela thata bogolo jang dinako tsa dipula ka go sena fa batho ba ka tsamayang teng ka go ema metsi, mme ba itela mo pusong gore go dirwe mesele e e ntshang metsi. E rile a amogela mopalamente mo kgotleng, Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a tlhalosa fa seemo se, se sa siama e le ruri ka e bile le beng ba mabenkele a a gaufi le mapalamelo ba sokola fela thata le bone. Kgosi Segotsi a re, motse wa Mahalapye go lebega o sokame ka jalo fa dipula di na metsi otlhe a tsamaya kwa botlhaba mme a fete a nne gone foo, a tlatsa ka gore ka gore go tshwana le dikgaolwana tsa Parwe, Tshikinyega le Dilaene le tsone di sa tsamaege fa dipula di nele. A re selelo se ke sa bone sa ngwaga le ngwaga mme le ntswa khansele e leka go se tokafatsa ga go na phetogo epe e e diragalang ka gore go felela go ntse go nna merwalela fela, mme metsi a ema gongwe le gongwe. O ne a tlhalosa gore seemo se sa mapalamelo a setshaba se tlhomola pelo fela thata e le ruri, mme a kopa puso go ba thusa ka fa ba ka kgonang ka teng kgotsa go fudusa mapalamelo a. Kgosi Segotsi o ne a bolela gape ka kago nngwe e e kwa kgotleng ya Mahalapye West e a supileng fa go lebega e agilwe ka diketekete tsa madi mme jaanong e setse e na le dingwaga di ka feta lesome e sa dirisiwe. A re kago eo e bereka go nna e tlhokometswe fela ke badisa dikago mme motlha ke ono ga o kake wa bona ka letsatsi lepe e butswe e dirisiwa. Kgosi Segotsi a re pele ba ne ba boleletswe fa kago e ya madimadi e le lefelo le le tlaa tlhokomelang ba ba bokoa, mme jaanong e ija fela ga ba itse gore bothata ke eng, a kopa gore a bogolo e ka se dirisiwe go nna sepatela ya tsenngwa malao go leka go fokotsa mosuke o o kwa sepateleng se segolwane. Banni ba ne ba lela gape ka seemo sa motse wa bone ba kaya fa motse wa Mahapalye e le motse fela o motona mme o le leswe e bile gape o le lefifi. Mongwe yo o neng a tsene phuthego eo, Rre Boniface Disho o ne a kaya fa dipone tsotlhe tsa mo motseng wa Mahalapye di sa bereke mme ka jalo go sa nne sentle. Rre Disho a re motse wa bone o ngomola pelo fela e le ruri a tlhalosa gape gore go tletse ditlhare fa gare ga motse ga mmogo le leruo le le sasankegang mo motseng wa bone. O ne a kopa mopalamente gore go tsewe dikgato tse di tshwanetseng mme motse wa Mahalapye o nne le serodumo sa gore ke motse o motona. E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Molefhe a tlhalosa fa dilelo tsa puso di dirwa ke lenaneo le ka thulaganyo. Rre Molefhe a re o tlaa itebaganya le maphata a otlhe ka matshwenyego a bone go ya go ba a lebisa mme a kopa banni go se fele pelo. Ka lefelo la tlhokomelo balwetse le le mo kgaolong ya gagwe o ne a tlhalosa fa a isitse kopo ya bone kwa lephateng la botsogo gore kago e, e thuse ka go fokotsa mosuke kgotsa e tsene mo tirisong ka go setse go le dingwaga ngwaga e nna fela ntswa e fedile. Fa a itebaganya le lefifi le le mo motseng wa Mahalapye ga mmogo le ditlhare o ne a kopa ba khansele go bona seemo se se baakanngwang ka o fitlhela fela ditlhare di sirile dipone tsa tsela mme se se kgoreletsa bakgweetsi. Rre Molefhe o ne a tlhalosetsa banni gore ngwaga o wa 2016 ke ngwaga o o botlhokwa fela mo matshelong a Batswana. O ne a rotloetsa thata baithaopi, bakgweetsi le banni ka kakaretso go ema ka dinao go bona gore le bone ba nna le seabe go baakanyetsa boipuso jwa monongwaga ga mmogo le molelo wa kgolagano o o tsileng go tla mo motseng wa Mahakapye ka kgwedi ya Seetebosigo g e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boferabobedi go ya kwa go masome a mararo.
society
9
Bimbo o seegetswe fa thoko
Kgosi wa Omaweneno mo kgaolong ya Kgalagadi, Kgosi Sam Bimbo o seegetswe fa thoko mo tirong. Kgosi Bimbo o seegetswe kwa thoko go simologa kgwedi e e fetileng ya Lwetse e le lesome le boraro, morago ga go amega mo kgannyeng nngwe le ba sepodisi. Go bolelwa fa Kgosi Bimbo a tlaa boela mo tirong fela morago ga kgang eo e sena go wela. Se se builwe ke mokwaledi mo makgotleng a Setswana mo Kgalagadi Borwa, Mme Motlhatswi Pule mo potsolotsong. Mokwaledi mo makgotleng a Setswana o tlhalositse fa ene le kgosi David Toto II ba ne ba patelesega go ya go itsise morafe mabapi le seemo seo mo bekeng e e fetileng. Mme Pule o kaile fa mo nakong ya gompieno morafe wa Omaweneno o thusiwa ke dikgosana tsa tetlanyo, ntleng le dikgang tse di ba fetileng, tse morafe o tlaa patelesegang go di bega kwa Tsabong go bona thuso. O ne gape a kaya fa mo nakong eo kgosi a tlaa bo a sa letlelesege go dira tiro epe ya puso. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba santse ba kopile thuso kwa ofising-kgolo ya bone kwa Gaborone go thusiwa ka dikgosi dingwe tse di gaufi tse di tla thusang mo dikgannyeng tsa ditsheko. ENDS
society
9
Kgosi thotobolo
Kgosi Kea Lempadi wa Shakawe a re tiro ya bogosi ke go tsereganya morafe le go atisa tlotlano. Kgosi Lempadi o buile se kwa Shakawe fa a tlhoma Kgosi Moropa Mokerenge go nna kgosana ya kgotlana ya Saoshoko bosheng. O ne a supa mokwalo o o tswang kwa lephateng la dikgaolo o o rurifatsang fa Kgosi Mokerenge a tlaa bo a nna mo setilong go tshwarelela setlogolo sa gagwe, Mme Tena Mokerenge yo e leng ngwana wa kgosi ya pele yo o tlhokafetseng ngwaga o o fetileng. A re e re ka kgosi thotobolo e olela matlakala, Kgosi Mokerenge o tshwanetse a tsaya mongwe le mongwe ka tekatekanyo go sa kgathalesege gore ke wa seemo kana letso lefe. O ne gape a tlhalosa fa bogosi bo tlhodilwe ke Modimo ka jalo bo tshwanetse go tlotlwa ke kgosi ga mmogo le morafe wa gagwe. Mokhanselara wa pele wa Shakawe, Rre Kavetu Kangumbe a re kgosi ga a tseye dikatso kgotsa pipa molomo mo bathong, a supa fa tsela eo e ka mo paledisa go tsamaisa ka fa go tshwanetseng. A re kgosi o tshwanetse go nna boikarabelo e bile a tshwanetse go itlotla gore batho ba tle ba kgone go mo tlotla le gone go sireletsa seriti sa gagwe. O ne a tlhalosa fa kgosi a sa tshwanela go omana le go lwa le batho mo mebileng go sa kgathalesege gore batho ba mmuisa jang, a tlatsa fa go tsena ditshele e le go ikisa tlase mo morafeng. Rre Kangumbe a re kgosi o tshwanetse go kopa thuso le dikgakololo kwa dikgosing tse dingwe fa go tlhokega gore a tle a kgone go tsamaisa morafe wa gagwe sentle. Fa a ntsha la gagwe mongwe wa batsadi ba ga kgosi yo o tlhomilweng, Rre Tufunguruke Samakena a re go nna kgosi go raya boeteledipele eseng go gataka batho. “Le fa o tlhomilwe go nna kgosi ga go reye gore o mogolo o tlhophilwe ka gore o ka etela morafe pele ka jalo o tshwanetse wa tlotla bagolo ba motse”, a tlatsa jalo Rre Samakena. A re “tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng”, ka jalo Kgosi Mokerenge o tshwanetse go busa sentle fela jaaka kgosi ya pele e dirile. Fa a mo kgwa dikgaba mongwe wa mabutswa pele, Rre Mokove Thao a re kgosi ke kgosi ka batho mme a tlamega go nna moriti wa bone go ba sireletsa fa ba tshabetse kwa go ene. A re o tshwanetse go tsidifatsa bao ba ba tlang ka mathata a a farologaneng a seka a fetoga a ba tshuba fa ba tshabetse kwa go ene, a supa fa a tshwanetse go nna pelotelele. E ntse e le gone kwa Shakawe Rre Dumisang Modisaotsile o tlhomilwe go nna kgosana ya kgotlana ya Rweye.
society
9
Kgosi Moremi o akgola sesole sa Botswana
Fela jaaka mekgatlho e mengwe, sesole sa Botswana se gatetse pele mo go lwantsheng bolwetse le mogare wa HIV/AID mo lefatsheng leno. Fa a amogela baeng ka letsatsi la botsogo jwa setshaba, le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa Maun bosheng, Kgosi Kealetile Moremi o supile fa sesole sa Botswana se dira go tlala ka diatla go thusa puso go lwantsha bolwetse jo bo fetsang tshaba ya lefatshe leno ka tsotlhe tse ba nang le tsone. Kgosi Moremi o supile fa sesole sa Botswana se sa ikaega fela ka go sireletsa lefatshe leno ka marumo le ditlhobolo mme a re ba leka gape go ruta Batswana le go fa dithuso tsa maemo a kwa godimo go leka go emelana le seemo se se golelang pele sa kanamo ya mogare. O tlhalositse fa mo dilong tsotlhe tse puso le mekgatlho e e ikemetseng ka nosi e lekang go di dira go thusa Batswana, sesole sa Botswana se kgonne go tla ka mofuta wa sekausu se se bidiwang sekwata, se a kaileng fa Batswana ba se itumeletse e bile a dumela se dirisiwa ke ba le bantsi. A re sesole sa Botswana se eme ka dinao mo ntweng e, ka a tlhalosa fa ba dira loaro lwa borre le le sireletsegileng gareng ga tse dingwe, selo se a rileng ke kgatelopele e e eletsegang mo setshabeng. O tsweletse a leboga boeteledipele le badiri ba sesole sa Botswana go bo ba kgonne go tla mo kgaolong ya Ngami go tsisa ditlamelo kwa bathong di akaretsa tsa itlhatlhobelo mogare, madi a matona, sukiri le go aba madi a mmele. Kgosi Moremi o kopile banni ba kgaolo ya Ngami go tshwaragana le ba sesole go leka go lwantsha seemo sepe se se ka tswang se le teng, a supa fa letsatsi le le tshwanang le leo le tshwanetswe go tsewa ka tlhoafalo go dirisa tse ba di fiwang mahala. BOKHUTLO
health
6
Sengaparile se ka nowa moro
- Modiri wa khamphane ya Matebeleng Milling, Rre Shaka Mochine, a re kgaolo ya Kweneng e humile setlhare sa sengaparile mme banni ba ka se nwa moro. Rre Mochine o boletse mo potsolotsong fa khamphane e, ee direlang kwa Matebeleng kwa Kgatleng, e simolotse go reka sengaparile kwa metseng ya kgaolo ya Kweneng ka ngwaga wa 2014. A re ba rekisetsa mafatshe jaaka France, Germany le mangwe kwa Asia. Rre Mochine o supile fa gape ba sila sengaparile go se rekisetsa marekisetso a melemo e le boupi mme dipoelo e le tse di bonalang fa ba rekisa kwa ntle ga lefatshe leno. A re mafatshe mangwe a na le bo maitseanape ba ba kgonang go dira melemo e farologanyeng ka sengaparile. O ne a tlhalosa fa ba tshwaraganye le lephata la Tlhokomelo Dikgwa ka ke lone le fang banni tletla ya go bapala setlhare seo le go bona gore khamphane e reka selekanyo sese beilweng. A re kwa Ngware, kwa ba neng ba reka teng lantlha kgwedi e fetileng, thobo ya sengaparile e ne e le e nametsang ka jalo batla nna ba etela motse oo ngwaga le ngwaga. O ne gape a ka ya fa bontsi jwa Batswana ba ise ba itse ka botlhokwa jwa setlhare sa sengaparile, a tlatsa ka gore batho ba mafatshe a Asia ba rata setlhare seo thata ka ba se dirisa mogo tsa kalafi, mme a re go botlhokwa gore Batswana ba itse mosola wa go se somarela fa ba se bapala gore se seka sa nyelela. Mongwe wa banni ba Ngware, Rre Gabobidiwe Motiribe, o ne a tlhalosa fa a na le sebaka se seleele a itshetsa ka sengaparile mme a supa fa ngongora ya babapadi ba sengaparile ele dituelo tse di kwa tlase ka e bile go le bokete go se epa. O ne a tlhalosa fa lemmenyana le a le boneng ele le a ithekelang sukiri ka lone. O kaile fa setlhare sa sengaparile se le sentsi thata mo tikologong ya motse wa bone mme keletso ya bone ele go bona ba kgona go itshetsa ka sone. Go tlhalositwe fa Ngware le e mengwe ee mo kgaolong ya Kweneng e humile setlhare sa sengaparile mme e ka akola dipoelo fa e ka simolola dikomiti tse di ka laolang thekiso le tiriso ya di tsa tlholego.
society
9
Kgosi o kgala ba ba senyang terata ya matlhoko
Fa a bua kwa phuthegong ya khansele ka Mosupologo, Rre Morolong o tlhalositse fa ditekeletso di solofetswe go simolola mo kgweding ya Phukwi monongwaga, kwa kokelong ya Deborah Retief Memorial le kwa dikokelwaneng tsa Morwa, Bokaa, Modipane, Rasesa, Phaphane, Boseja 1 le 2, Mochudi, Makakatlela, Malotwana, Oodi le Makgophana. A re lenaneo le le tlaa lekelediwa pele mo kgaolong ya Kgatleng le ya Borwa Botlhaba, tsholofelo e le gore e atolosiwe le mafelo a bookelo lefatshe ka bophara Ferikgong ngwaga e tlang. Rre Morolong o rotloeditse setshaba go atla maiteko otlhe a puso, a go fokotsa seemo sa mogare le bolwetse jwa AIDS mo kgaolong le mo lefatsheng ka bophara. A re go maswabi go lemoga fa go santse go na le bangwe ba ba kgalang maiteko a puso a go lwantsha bolwetse ka ditsela tse di farologaneng. Rre Morolong a re diemo tse tharo tsa masea a a tshotsweng ka mogare mo ngwageng ono, ke sesupo sa bomme ba ba sa tseyeng lenaneo la thibelo mogare go tswa go mmangwana go ya kwa loseeng ka tlhoafalo. Rre Morolong o tlhalositse fa kgang ya boimana jwa bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase kwa Oodi, Artesia, Boseja, Rasesa le Makakatlela e sa jese diwelang. A re ba botsogo mo kgaolong, ba ikemiseditse go oketsa dithuto tsa tlhakanelo dikobo, bogolo jang di itebagantse le one morole o mosesane. Rre Morolong o kopile makhanselara go ema ka dinao, ba bua ba sa kgale mathe kgatlhanong le tiriso botlhaswa ya bana. A re bana ba tshwanetse go sirelediwa mo diemong dipe fela tse di ka amang matshelo a bone ka tsela e e sa siamang ka e le bone bokamoso jwa lefatshe. O tlhalositse fa selekanyo sa kanamiso ya melemo mo kgaolong e le masome a supa le bosupa mo lekgolong, a tlatsa ka gore seemo sa melemo e dirisediwa go boloka matshelo se masome a fera bobedi le boraro mo lekgolong. Rre Morolong a re tlhaelo ya melemo kwa mabolokelong a Central Medical Stores, ke yone e bakang tlhaelo mo dikokelong, mme kgaolo e tla tswelela e reka mo bagwebing ba ba mo kgaolong go oketsa melemo. A re kokelo ya Deborah e tsere tshwetso ya go neela ditirelo tsa go tshujwa ga leswe la bongaka bagwebi ba ba ikemetseng, morago ga go senyegelwa ke motshini o o tshubang leswe ka kgwedi ya Moranang. Mo go tsa tikologo, Rre Morolong a re khansele ka thuso ya maphata a mangwe a puso e mo legatong la go baakanya mokwalo wa ikopelo tiro ya go atolosa lehuti la matlakala kwa Pilane. A re tsholofelo ke gore tiro e e tlaa phatlaladiwa le go rekisediwa baikopedi pele ga kgwedi ya Phukwi e fela. Rre Morolong a re khansele mmogo le ba sepodisi le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ba tsweletse ka go tswa ka mananeo a go lwantsha go leswafatsa tikologo. A re mo ngwageng wa 2018/19 khansele e ne ya thapa bagwebi ba babotlana ba itebagantse le tshelo matlakala ba le 52 mo kgaolong yotlhe. O tlhalositse fa go ne ga thapiwa dikoloi tsa ditonki di le thataro go thusa ka matlakala mo metseng e e kgakala le ditlamelo. Rre Morolong o kopile setshaba go duelela ditanka tsa matlakala ka tlhwatlhwa e e fokoditsweng ya P200, yo o duelwang gangwe mme ba akole go tseelwa matlakala dingwaga tse pedi. O lebogile ba Debswana ka go bo ba ba file ditanka tsa matlakala di le 1 000 go kgona maikaelelo a bone a kgaolo e e phepa go sireletsa botsogo.
environment
5
Dikgwebo tse dipotlana di tlhama ditiro
Go gola ga dikgwebo tse dipotlana mo lefatsheng leno go supa diphetogo tsa itsholelo jaaka go fokodiwa ga dithoto tse di dirwang ka bontsintsi, le go gola ga ditirelo tse dingwe tse di di ka kgonwang ke bagwebi ba ba botlana. Mogwebi mongwe yo mmotlana yo o akolang diphetogo tsa go nna jalo ke Mme Gomotsang Jane wa Hukuntsi. Mme yoo wa mogwebi yo o dingwaga di 49 o sale a tlhamile kgwebo ya gagwe e potlana ka lobaka lo lo leele. Ene ga a ise a letle gore o ka tsena mo seemong sa go nna motlhoki a tshela ka mophako. O ne a ikemisetsa gore ga a kitla a bolawa ke tlala. Legale go ne go se motlhofo fa Mme Jane a simolola kgwebo ya gagwe ka a ne a tshwanelwa ke go rwala kgetsi e tona mo tlhogong a tsena ntlo le ntlwana mo mogoteng le motlhaba wa Kgalagadi tse a neng a tshwanela go di ralala letsatsi le letsatsi gore a atlege. A re o simolotse ka go rekisetsa mo semausung se se gogwang ka koloi, a rekisa dimonamone le maungo mme lerato la gagwe la kgwebo ke lone le le dirileng gore a gole mo kgwebong le fa go na le dikgoreletsi. E ne ya re asena go dira semmausu se se gogwang ka lebaka, labofelo Mme Jane a tlhoma semausu sa nakwana fa pele ga marekisetso a Hukuntsi a a bidiwang Kwa-ga-MmaZol. O boletse gore ka go sena fa bagwebi ba ba botlana ba ka kgobokanelang teng go rekisa mo Hukuntsi o ne a tshwanela go ipha botlhale mme a tlhophe lefelo le le fa bareki ba farakanang teng gore ba reke dithoto tsa gagwe fa ba tswa mo marekisetsong a magolo, go reka dijo kana diaparo. Mme Jane a re se se simologileng e le go tshaba lehuma go ne ga fetoga kgwebo e tona e e dirang madi a mantsi ka Mme Jane a kgonne go atolosa kgwebo ya gagwe go rekisa dithoto tsa mefutafuta tse di jaaka maungo,motlakase,mangena, ditlolo,airtime le tsone diapparo tota. Legale o ne a bolela fa a sa itumedisiwe ke go kgokgontshiwa ke badiri ba tiragatso molao ba khansele ba a reng ba a ba tshwenya ebile ba ba tsaya dithoto tsa bone tse ba rekisetsang mo go tsone. A re tiro ya go nna jalo e ba busetsa kwa morago ka go lekanyetsa dithoto tse a ka di isang kwa marekisetsong. A re dithototse dipotlana tseo di dira dipoelo tse di nnye. Lefa gone go na le mathata, mme Jane o solofela gore e tlaa re nako nngwe a bo a na le madirelo a a duleng diatla. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Ba lebogela kgatiso ya dikhwaere
Mogolwane wa setlhopha sa mmino wa dikhwaere mo Bobonong Rre Kelebogile Kukumara o galaleditse kgatiso ya mmino wa dikhwaere mo kgaolong eo a re o tlaa ba tlodisa melatswana. Mo potsolotsong le BOPA kwa kgatisong ya dikhwaere tsakgaolo ya Bobirwa ka Tshipi ke ba Botswana Television, Rre Kukumara a rekgatiso ya mmino o, e tla ba isa kgakala ka gore lefatshe lotlhe la Botswana letlaa kgona go lemoga gore le bone ba na le bokgoni mo mminong. A re ba ne ba eletsa gore fa ditsompelo di ka bo di le tengkgatiso e ka bo e dirwa ngwaga le ngwaga. Go gatisa mmino o go supile fa go rotloetsa kgolo ya ngwao,ebile go tlaa ba fa sebaka sa go ipapatsa ka bontsi ja nako ba diragatsa fa go le ditshupo tsa temo-thuo kgotsa ka letsatsi la boipuso. O galaleditse dikhwaere tsa kgaolo e, a re di na le bokgonie bile di tla supa fa Bobirwa e na le moribo wa one wa mmino. A re se se santseng se saletse kwa morago mo dikhwaereng tsakgaolo e ke gore di bokowa mo go kopaneng ka bontsi ja maloko bo direla kwamafelong a a farologaneng. Khwaere ya Dialogan e tlhamilwe ka ngwaga wa2013 mme e setse e tseneletse dikgaisano tsa ga Tautona makgetho a le mmalwaya ba ya ikgapela maemo a bobedi mo dikgaisanong tseo. Dikhwaere tse di neng tsa gatisiwa mo Bobonong ke tsa AllStars, Dialogane le Diphatsa fa kwa Molalatau go ne ga gatisiwa tsaSeboo, Dikwankweta le Mmamaokane.
arts_culture_entertainment_and_media
0