title
stringlengths
1
82
text
stringlengths
565
8.03k
orig_label
stringclasses
10 values
label
int64
0
9
Temo ya ditlhare e ka fokotsa lehuma
Banni ba Kareng mo Kgaolong ya Nhabe ba kgothaditswe go inaakanya le temo ya ditlhare. Fa a bua ka letsatsi la temo ya ditlhare la kgaolo le le neng le tshwaretswe kwa Kareng bosheng, Rre Kemonna Keapoletswe o tlhalositse fa kgwebo ya temo ya ditlhare a busetsa ka go supegile mo mafatsheng a mangwe. Ka jalo Rre Keapoletswe o ne a gwetlha banni ba motse oo go innaakanya le temo ya ditlhare a re gape ke tsela ya go somarela tikologo. Rre Keapoletswe o tlhalositse fa letsatsi la temo ya ditlhare le tshwarwa ngwaga le ngwaga gore batho ba gokolowe ka mosola wa ditlhare mo tikologong. A re letsastsi le le seegetswe fa thoko ke lekgotla la ditshachaba go tsibosa kgatlhanong le go remakaka ditlhare le go senya naga. Ka jalo, o tlhalositse gore letsatsi leo le dirisiwa go rotloetsa batho gore ba tlhokomele ditlhare ba bo ba di leme ditlhare. Rre Keapoletswe o ne gape a re letsatsi leo mo Botswana le rotloetsa temo ya ditlhare tsa pele tse a reng di botlhokwa mo matshelong a Batswana ka di jewa ke leruo. O gwetlhile banni bao gore ba dirise le mananeo a puso a a rotloetsang kgwebo ya temo ya ditlhare fa ba sena bokgoni. Modiri kwa lephateng la Forestry and Range Resources Rre Apiuta Hijamakutu ene o ne a tlhalosa fa letsatsi leo le rotloediwa go buseletsa ditlhare tse di rengwang ka mabaka mangwe a botshelo. Rre Hijamakutu o tlhalositse gore moono wa letsatsi ke go tsibosa gore batho ba fokotse go rema ditlhare, go tshuba naga le tse dingwe tse di ka bakang manokonoko a phetogo ya loapi. ENDS
environment
5
Go utswiwa ga batho go teng
Babereki ba lephata la itshireletso ba rotloeditse Batswana go tsiboga fa masika kgotsa ditsala di sa bonale ka jaana go utswiwa ga batho go ile magoletsa lefatshe ka bophara. E rile ba tsibosa makhanselara a Kweneng bosheng kwa Molepolole, ba supa fa dikgang tsa go utswiwa ga batho di diragalela Batswana fela jaaka batho ba mafatshe a sele. Mongwe wa batlhatlheledi, Mme Veronica Rabakane o ne a tlhalosa gore batho ba gantsi ba utswiwang ke basetsana le bomme. Mme Rabakane o ne a tlhalosa gore gantsi batho ba ba utswiwang ba dirisiwa ditiro tse di sa siamang e bile di le kgatlhanong le maikutlo a bone. A re basetsana gantsi ba tsewa ba bo ba dirisiwa mo go tsa tlhakanelo dikobo e le kgwebo, a tlatsa ka go re gantsi batho ba, ba utswiwa mo metseng ya bone kgotsa ba raelwa ka ipapatso ya ditiro kwa moseja. A re ka jalo go botlhokwa gore Batswana ba ele tlhoko melaetsa ya ipapatso ya ditiro le dikole ka jaana di kgona go ba digela ka lemena. O ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go ya go kopa thuso kwa mapodising go batlisisa bonnete jwa ipapatso. O ne a tlhalosa gore gantsi bangwe ba felela ba iphitlhela ba raletse diemo tse di thata morago ga go solofediwa gore ba tlaa tsenngwa dikole kwa mafatsheng mme ba fitlhele ditsholofetso tseo di na le dibelebejane mme go le bokete go boela gae. O ne a tlhalosa fa bomme ba bagolwane bogolo jang ba tseelwa go tshodisiwa bana, bana bao ba bo ba rekisiwa, mme ba bangwe ba utswelwa go ntshiwa dikarolo tsa mmele di tshwana le diphilo di bo di rekisiwa. Batlhatlheledi ba re fa ba ntse ba tsena dithuto tsa go kgaogana maele a go tsibosa batho ka se, go ne ga supa fa bangwe ba tsenya batho mo dikoloing tsa dithoto gore ba kgone go feta ka bone mo melelwaneng. Ba ne ba tlhalosa gape gore gantsi batho ba ba tsewang kgatlhanong le maikutlo a bone mogang ba boang ba tla ba sa itekanela sentle mo ditlhaloganyong fa bangwe ba tla ba tlhokafetse. Ba ne ba tlhalosa gore ba na le dikgang tse pedi tse mo go tsone mme mongwe a neng a solofediwa tiro kwa Canada mme yare a tsena teng a fitlhela se a neng a sa se solofela, ba tswelela ba tlhalosa gore mme yoo o ne a tlamega go ya go beraka a bapala maungo a ditlhare gore a batle madi a go boela gae. Ba ne gape ba supa gore lebaka le letona le le ka tswang le dira gore batho ba seka ba boela Botswana kgotsa ba bua ka seemo se ba fetileng mo go sone le go ditlhong.
crime_law_and_justice
1
‘Ntshang ba-na-le bogole kwa mahure’
Mongwe wa bagwebi ba ba tumileng mo Kanye, Rre Prince Mosanana o rotloeditse batsadi ba ba nang le batho ba ba nang le bogole go ba ntshetsa mo pontsheng gore ba bone dithuso. O buile jalo ka letsatsi la ba-na-le bogole le tshwaretswe mo Kanye bosheng. O kgothaditse fa ba tshwanetse go thusiwa fa ba tlhaelang teng, a lebogela puso go bo e thusa mme a bolela fa go sa lekana. A re go santse go na le batho bangwe ba ba fitlhang ba na le bogole, mo go dirang gore ba seka ba bonwa mme ba thusiwa. O kopile gore ba ntshiwe mo digotlong. O ngongoregile ka melao mengwe e e kgaphelang ba-na-le bogole kwa ntle, a re e tshwanetse ya sekasekwa. O boletse gape gore dikago dingwe tsa puso le ba dikgwebo ga di a nna sentle go thusa ba-na-le bogole go tsena mo go tsone. Rre Mosanana o boletse fa puso e ntshitse mananeo a mantsi, a bolela fa ba-na-le bogole ba tshwanetse go inaakanya le one gore ba itlhabolole. Rre Mosanana o rotloeditse puso go ba tsenya mo maemong jaaka go nna makhanselara a a itlhophetsweng le bopalamente gore le bone ba buelele ba-na-le bogole ka bone. O boletse fa ba tshwanelwa ke maemo jaaka mongwe le mongwe. O boletse fa bangwe ba sa tsalwa ka bogole, e bile ba le botlhale. O boletse fa ba na le dikitso tse di faphegileng. Mongwe wa barotloetsi, Rre Isaac Nkganetsang o boletse fa ba-na-le bogole ba sa rutwe ka go itshireletsa mo malwetseng a a diphatsa jaaka HIV/AIDS. O boletse fa ba tshabelelwa ke malwetse ka gore ga ba bolelelwe e bile kitso e tlhaela mo go bone. A re ga ba rutwe ka tsa itshireletso le tiriso ya sekausu. O boletse fa go sena batoloki ba ba ka thusang ba-tlhoka puo go ranola mananeo. Dibui ka go farologana jaaka ba ba nnang le ba-na-le bogole ba boletse fa bangwe ba inyatsa, fa bangwe ba masika le ditsala ba ba tseela kwa tlase. Ba boletse fa bangwe ba tsaya gore ke boloi fa bangwe ba re botsadi bo ne bo sa ikilele. Mme Kebainee Omphile wa mo-na-le boswafe, o boletse fa a ikamogetse le fa batho bangwe ba ngwaangwaana fa ba mmona. O boletse fa a tsere mananeo a puso a itshetsa sentle ka one. O rotloeditse ba-na-le bogole go tsaya mananeo le go ikamogela. BOKHUTLO
society
9
Bodiredi jwa Takatokwane bo 
aga bana
Modiredi mo ofising ya tokafatso matshelo a batho kwa Takatokwane, Mme Maureen
 Lefifi o tlhalositse fa bodiredi bo tshwentswe thata ke go tlogela sekolo ga
banana ba motse oo ka mabaka a a farologanyeng, go balelwa le boimana. E rile a bua kwa thuto-seka
dipuisanong le banana ba sekolo se sebotlana sa Takatokwane, mme Lefifi o
tlhalositse fa gantsi dikgang tse di diragala mo malwapeng a batsadi ba
tlogelang bana ba le nosi, ka jalo go tlhoke yo o kgalemang. O ne a kopa bana ba sekole go
nna ba itsise barutabana kgotsa bogogi ja motse fa e le gore ba itse bana
bangwe mo motseng ba ba nnang ba sena batsadi. Mme Lefifi o ne gape a tlhalosa
fa go supagetse fa kgokgontsho e le ntsi thata mo baneng ba dikhutsana, selo se
a reng se felela se ba kgobera maikutlo mme ba felele ba sa dire sentle mo
dithutong tsa bone. Mooki mo kokelong ya motse
oo, Rre Brendan Moilwe o ne a tlhalosetsa banana bao fa boimana bo le borai mo
matshelong a bone ka jaana mebele ya bone e ise e lekane go tshola ngwana, selo
se a tlhalositseng fa se ka nna sa baka leso ka nako ya pelegi. O ne gape a tlhalosa fa
boimana bo ka ba senyetsa bokamoso ka jaana ba tlaa tshwanelwa ke go tlogela
sekole go ya botsetsing, mme ebile go na le kgonagalo e ntsi ya go
kgokgontshiwa ke bana ba bangwe mo maikutlong nako e ba boelang sekolo morago
ga pelegi. A re boimana ja bana gape bo
tsisa mathata a tlhaelo ya madi mo lwapeng ka jaana tlhokomelo ya losea e nna
mo batsading ka mmaalone wa bo a sa le mmotlana go dira madi a go fepa lesea
leo, ka jalo a ba kopa go ikgapha mo go tsa tlhakanelo dikobo go fitlhela ba
gola. Rre Moilwe o ne gape a
tlhalosa fa boimana bo ka tla le malwetse a mangwe jaaka rasephiphi. O ne gape
a tlhalosa fa dipatisiso di supa fa banana ba ba tsholang ba santse ba le
bannye ba tshabelelwa ke go tlhomaganya bana, mme seo se ka holodisa sebaka sa
bone sa go bona nyalo mo isagong. Modulasetilo wa
khansele-potlana ya Letlhakeng, Rre Tlotlo Batlhophi ene o ne a kopa banana bao
go emisa go lekeletsa dilo tse di sa siamang jaaka nnotagi, mme a lebogela
badiredi le bogogi ja motse oo go rulaganya thuto seka dipuisanyo eo. O ne a ba kopa gore e nne
selo modiro ka jaana bana ba ka tsaya ka tsebe botoka fa ba utlwa molaetsa
kgapetsa-kgapetsa. Ramapodise wa kgaolo eo Rre Ocean Maraganyane o ne a
tlhalosetsa banana ba sekole seo ka bodiphatsa ja go inaakanya le borukutlhi.
education
4
Ba re matshego mangwe a boelele
Banni ba Tutume ba re ba eletsa gore matshego mangwe a a neng a le mo Tebelopele ya 2016 a akarediwe mo go e ntsha ya 2036. Ba buile jalo fa ba ne ba rolela lekoko le le romilweng ke tautona go tsaya megopolo mo setshabeng go baakanyetsa tebelopele ya 2036 kwa Tutume ka Mosupologo. Re Imi Phili a re letshego la Tebelopele ya 2016 la setshaba se se rutegileng se se itseng le la setshaba se se siameng se se sa ileng ope a tshwanetswe go tsweledisiwa mme go baakangwe ditshetla dingwe gore a kgone go akaretsa setshaba se se siameng se se sa ileng ope. Rre Phili a re gape go tshwanetse ga rotloediwa gore diteme dingwe di rutiwe mo dikoleng gore bana ba kgone go tlhaloganya dithuto botoka. A re gape le kgang ya letlhoko la ditiro e nne nngwe ya dipilara tsa letshego leo la 2036 gore leka go tokafatsa seemo seo mo dingwageng tseo tse di masome mabedi. Rre Siyani Sisila ene a re tebelopele ya setshaba ya 2016 ga e a atlega ka gore go nnile le boitseme mo bathong ba ba neng ba tshwanetse go diragatsa ditiro dingwe tsa tebelopele mme seo sa feleletsa se kokonela setshaba. Rre Bigboy Chavaphi o ile a re ke nako gore batho ba fetole dikakanyo mo dilong tse di tshwenyang Batswana mme ba di lebe ka leitlho le le tseneletseng la gore e le Batswana ba eletsa ba ka tshela jang (change of mindset in issues of concern to people). Modulasetilo wa lekoko leo,Rre Mpho Balopi a re lekoko leo le romilwe ke tautona go tsaya megopolo mo bathong wa go bopa tebelopele ya setshaba ya 2036. Rre Balopi a re lekoko leo le tshwana fela le le neng le romilwe ka ngwaga wa 1990 go tsaya megopolo mo bathong go bopa tebelopele ya 2016. A re Batswana ba ne ba tswa ka dintlha tse supa kana matshego a supa a tebelopele eo e e welang monongwaga. O ile a re maikaelelo magolo ke gore Batswana banne le seabe go abelana megopolo gore ba batla gore tebelopele 2036 e tsamaisiwe jang le go akaretsa ba na le seabe botlhe go se ope yo o salelang kwa ntle.
politics
7
Banni ba Serinane ba ngongorega ka bakgweetsi
Banni ba Serinane mo kgaolong ya Letlhakeng Botlhaba ba supile matshwenyego ka bakgweetsi ba ba dirisang tsela ya Letlhakeng/Molepolole e e ralalang motse wa bone, ka jaana ba kgweetsa ka lebelo le le feteletseng e bile ba sa obamele matshwao a tsela. Banni ba dirile ikuelo eo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Liakat Kablay. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Wabone Setudumane, o supile fa bakgweetsi ba ba dirisang tsela eo ba taboga ka lebelo le le feteletseng ebile ba sa rekegele matshwao a tsela. A re go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng go diphatsa thata mo banning ba motse oo, ka baithuti ba kgabaganya tsela eo ba ya dikolong. Banni ba kopile mopalamente go ikopanya le ba ofisi ya ditsela go sekaseka gore seemo seo se ka tokafadiwa jang. Ba ne ba kopa gape gore bogolo go dirwe dilo tse di ka fokotsang lebelo ka jaana matshelo a bone a le mo diphatseng. Go ba kgwa kgaba, mopalamente Kablay o ne a supa fa le ene a tshwentswe ke bakgweetsi ba tsela eo ka ba kgweetsa ba sena kelelelo ntswa tsela eo e ralala motse. Fa a itebaganya le dikgang tsa thuto, Rre Kablay o ne a kopa banni ba motse oo go tshwaraganela thuto ya bana ba bone le barutabana. O supile fa puso e tshwentswe ke go wela tlase ga maduo a baithuti mo lefatsheng, bogolo jang a dikolo tse di kgolwane. O supile fa baithuti ba sa tseye dithuto tsa bone tsia ka ba tsweletse ka go supa maitsholo a a makgapha le go ngala dithuto ntswa bokamoso jwa bone bo le mo diatleng tsa bone. O gwetlhile batsadi go rotloetsa baithuti go tlhwaafalela dithuto tsa bone, a supa fa thuto e le bokamoso jo motho a ka sekeng a bo amogwe ke ope. Rre Kablay o tsweletse ka go kopa batsadi go tsibogela go direla bana ditlankana tsa matsalo le dikarata tsa Omang ka jaana di le botlhokwa fela thata. Fa a leboga mo phuthegong eo,mokhanselara wa Moshaweng, Rre Tshepiso Lesope o rotloeditse banni go ikwadisetsa ditlhopho ka dipalo tse di nametsang go netefatsa gore ba diragatsa tshwanelo ya bone ya go tlhopha ngwaga o o tlang. BOKHUTLO
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Khansele ya Kgatleng e itebaganya le dikgwetlho
Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Tona Mooketsi a re khansele eo e lebaganwe ke dikgwetlho jaaka tlhaelo ya didirisiwa le madi go kgona go isa ditlamelo kwa bathong. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Modipane ka Laboraro, Seetebosigo a tlhola gane, a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go rurifatsa gore Batswana ba kgaolo ya Kgatleng ba bona ditlamelo ka nako e bile ba kgotsofalela dithuso tse ba di ba fang. Rre Mooketsi a re le fa go ntse jalo, ga ba kake ba ipata ka tlhaelo ya didirisiwa le madi go thusa setshaba, a tlatsa ka gore ba itlamile go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go isa ditlamelo kwa bathong. A re o tlhobaediwa ke tlhaelo ya dikoloi ka jaana madi a sa lekane go ba thusa go rarabolola bothata jo, bogolo jang ka lefatshe le santse le lebanwe ke tlhaelo ya madi mme bonyennyane jo ba bo neelwang bo sa lekane go atolosa le go reka didirisiwa tse di lekaneng. Modulasetilo o lebogetse banni ba motse oo ka ba kgonne go dira lekalana la itshetso la Modipane Trust le ka lone ba ikaelelang go tokafatsa matshelo a bone. A re seo ke kgato e e maleba ka jaana ba ka dirisa ditsa-tlholego go tlhabolola matshelo a bone e bile maloko a mokgatlho oo ba tla ipelega ka seo, sone se tebelopele ya setshaba ya 2016 e se rotloetsang. Fa akgela mo tekodisong ya ga Kgosi Fanuel Mokalake, jaaka a ne a ngongorega ka barui ba ba sa tlhokomeleng leruo la bone mme e bile le baka tshenyo mo masimong le mo motseng tota, o tlhaloseditse banni fa go tlogela leruo le gobeya mo motseng le mo ditseleng go baka tshenyo e bile bangwe ba latlhegelwa ke matshelo. Mo go tse dingwe, o kopile batsadi go emela thuto ya bana ka dinao ka go supega fa bana ba sa dire sentle mo dithutong tsa bone mme e bile maduo a bone a wela tlase ngwaga le ngwaga. Rre Mooketsi o supile fa thuto ya ngwana e le bokamoso jwa gagwe mme gore a dire sentle batsadi ba tshwanetse ba ema le ene mo dithutong tsa gagwe e bile ba mo rotloetsa go dira ka natla. Banni le bone ba iteetsee kobo moroko dikgang tse, ba tlatsa ka go supa fa ba sa itumedisiwe ke modumo wa diletso mo motseng o o dirwang ka maitiso. Ba re fa motho a sa tsoga sentle mme modumo o le kwa godimo, botsogo bo ya kwa tlase le go feta mme go buisana le beng ba madirelo kana mediro go tsosa dikgotlhang. Mme Helen Moloi a re, ke boammaaruri leruo le a ba tshwenya e bile le ba senyetsa ditlhare mo malwapeng ka le kgona go bula dikgoro mme le senye, ka jalo o kopile barui go tlhokomela leruo la bone.
society
9
Sekole sa Dovedale se a ipela
Banni ba Dovedale le badiri ba sekole se sebotlana sa motse oo ba ne ba ipelela dingwaga tse di masome a mane sekole seo se ntse se le teng bosheng. Mogokgo wa ntlha wa sekole seo, Rre Malebogo Sefhemo a re ke maiteko a matona ka ba simolotse ba na le dikgwetlho tse ditona ka batsadi ba ne ba sa tlhaloganye mosola wa thuto ka nako eo. Rre Sefhemo a re sekolo se, se butswe ka ngwaga wa 1976 ka baithuti ba le lekgolo. A re ka nako eo, go ne go sena ditsela, boroko le dipalamo mme ba ne ba bereka ka boineelo. A re ba ne ba na le mowa wa boithaopo le go dira mmogo mo go neng go ba thusa gore ba kgone go ntsha maduo ntswa ba ne ba na le dikgwetlho tse dintsi. O ne a tlhalosa gore ka nako eo ba ne ba amogela baithuti ba bagolwane ka ba ne ba diega go tla dikoleng mme ba na le maitsholo a a amogelesegang ka batsadi ba ne ba sa ntse ba otlhaya bana. E rile a bula moletlo oo semmuso, Mme Pinkie Setlalekgosi o ne a rotloetsa batsadi go tlhokomela bana ba bone. Mme Setlalekgosi a re o lemogile gore bana ba Botswana ka bontsi ba inaakantse le nnotagi le tiriso ya diritibatsi. A re o tshwenngwa ke boimana jo bo golelang pele jwa bana ba ba sa ntseng ba tsena sekole, a tlatsa ka gore boimana bo senyetsa bana bokamoso e bile bo busetsa maiteko a lefatshe la Botswana a go nna setshaba se se rutegileng kwa morago. O ne a rotloetsa batsadi gore ba nne ba itse se se diragalelang bana ba bone ka gole gantsi ba bona go setse go diragetse. A re batsadi ba tshwanetse go tsaya maikarabelo ka bana ba bone mme ba se ikaege ka barutabana gore ke bone ba tlaa dirang tiro ya go tsenya bana ba bone mo tseleng le go ba ruta molao. Mme Setlalekgosi o ne gape a rotloetsa barutabana go tswelela ba dira ka natla ntle le dikgwetlho tse di sa ntseng di le teng jaaka letlhoko la motlakase le metsi.
education
4
Mokgatlho o abela mo-na-le-bogole
E tla re kgwedi eno e le masome a mabedi le borataro mokgatlho wa vision support group o abele mo-na-le –bogole setilo sa maotwana se se tla mothusang go tsamaya. Fa a bua mo potsolotsong le ba BOPA bosheng, m oeteledipele wa mokgatlho Rre Ontlametse Rampoo o supile fa e ne yare ka dingwaga tsa 2011 le 2012 bane ba ngomoga pelo fa ba bona mo-na-le-bogole yoo a tshegeditswe ke ngwana wa gagwe,yo ka nako eo a ne a tsena sekolo se se botlana kwa Mokoswane. A re bane ba botsa setshaba se se neng se le foo gore mosadi yole go diragalang ka ene fa a tshegeditswe jaana. A re one a tlhalosediwe gore Mme yo o thutswe ke Koloi makgetlho e le mabedi mme se se ba utlwisa botlhoko fela thata ka jalo ba thulanya ditlhogo go mo tswa thuso. Moetelediplele wa Mokgatlho a re bane ba tabogo lebelo ba kopa dithuso mo dikomponeng mme ka lesego kompone ya maitiso ya Ozone night club ya utlwa selelo sa bone ya ba rekela setilo sa maotwana se ba tla seabang fa kgwedi eno ele masome mabedi le borataro kwa motseng wa Mokoswana ko kgotleng. O tswelela a tlhalosa fa kompone ya Ozone night club e sa leba fela go tsaya madi a Batswana fela mme e kgatlhala ka matshelo a batho e bile e rata go abela ba ba tlhokileng Lesego mo setshabeng. Santse go le foo,o ne a tlhalosa maikaelelo a bone ele mokgatlho a re gantsi bone ba itebagantse le dilo tse HIV/AIDS le go ntse jalo a re bane ba bona go le botlhokwa go thusa ba-na-le-bogole ka gore go na le ba ba tshelang ka mogare wa HIV/AIDS. O tswelela a tlhalosa fa bane ba thusa mo-na-le bogole yo ba lebile seemo sa gagwe,ka gore one a sokodisa ngwana ka go mothusa go mo tsamaisa gape seemo sa gagwe se ne se ka ama ngwana ko dithutong ga mmogo le tlhaloganyo ya gagwe tota ka o dira tiro e sa molekanang. Mo go tse dingwe, Rre Rampoo a re ba tswa kgakala ba abela ba ba tlhokang. A re ne yare ka ngwaga wa 2009 bane ba abela monana mongwe wa motlhoki dilwana tse di lopileng makgolo a marataro a dipula ko Boseja mo Mahalapye. O supile fa mo nakong e fitileng ba setse ba kile ba abela batlhoki dilo di tshwana le ditilo tsa maotwana tse di dirisiwang ke ba-na-le-bogole,dijo le dikobo mo metseng ee farologanyeng. A re gape bane ba abela banni ba motse wa Setsile le Mokoswana diaparo,a re gape ba abetse motlhoka pono thobane ya botlhoka pono e e dirisiwang go ba supegetsa tsela. O boletse fa go tla nna le motshameko(drama) ka setlhopha sa Motsikiri youth group ko moletlong wa go aba setilo seo ka gore motshameko oo,o gasa molaetsa gape o a ruta ka dilo tse di amang matshelo a batho mo gae. A re maphata a farologanyeng a laleditswe jaaka ofisi ya Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba,ofisi ya Boipelego ya Khansele potlana ya Mahalapye le maphata a mangwe. O tlhalositse fa se ba se dirang ele mokgatlho wa vision support group se le botlhokwa ka se araba selelo sa ga Tautona sa go nna setshaba se se kutlwelo botlhoko mo go ba ba tlhokileng Lesego mo botshelong. O ne a rotloetsa morafe ka kakaretso gore mokgatlho ke oo ba o dirise ba kope dithuso fa go kgonagala batla thusiwa ka boineelo. Rre Rampoo o kgotlhaditse maloko a vision support group le botlhe ba ba nnileng le seabe mo go abelang ba ba tlhokang go tswelela ka mowa o wa bopelotlhomogi,a ba a gwetlha dikompone tse dingwe go tsaya malebela a gatelela fa seabe sa mekgatlho ya bopelotlhomogi mo setshabeng se tshwanetse go bonagala.
health
6
Dikgwetlho di a tlhalefisa
Morutabana wa sekole se sebotlana sa Mpiti kwa Matobo mo kgaolong potlana ya Tutume, Mme Polite Hulela, a re sekole seo se dira botoka thata mo maduong a lekwalo la bosupa fa e sale dingwaga tse tharo tse di fetileng. Mme Hulela o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela phenyo ya maduo a lekwalo la bosupa kwa sekole seo bosheng. O boletse fa sekole sa Mpiti se tsere maemo a ntlha mo dikoleng tse di lesome le borobabobedi tse di mo kgaolong ya Nkange ntswa go ne go le thata mo go bone ka go se na motlakase mo sekoleng. A re ga ba kgone go dirisa dilo dingwe di tshwana dikhomputara le tse dingwe tse bana ba ka anywang sengwe mo go tsone mme seo ga se a ka sa ba itsa go tsweledisa toro ya bone ya go bona maduo a mantle. O ne a tlhalosa fa baithuti bao ba ngogola ba dirile sentle, mme a supa fa ba kgonne go ithekela motshine o o ntsifatsang dipampiri, ba aga ntlo e e apeelang borotho, hoko ya dikoko tsa Setswana le lefelo le go thotobolo ya matlakala. O ne a galaletsa batsadi ba Matobo, a re ba kgonne ka kemonokeng ya bone le one maduo a mantle ao. A re mo sekoleng sa Mpiti ba na le moono o le mongwe mo mongwe le mongwe mo sekoleng a itshegetseng tema ya go tlhokomela ngwana ka go mo thusa ka tse a di tlhokang, a re seo le botsadi bo a se dira ka bangwe ba tsentse letsogo go thusa baithuti ba ba tlhokang. Mongwe wa baithuti ba pele ba sekole seo, Mme Balebogi Seleke o ne a lebogela thotloetso le kemonokeng e e supilweng ke batsadi ka go ba bontsha lesedi la thuto. Mme Seleke a re tshwaragano ya batsadi le barutabana ke yone e e dirileng gore ba bo ba le dinaletsana ba kgonne go gapa sejana. O ne a kgothatsa baithuti ka ene go tlhwaafalela thuto, a bolela fa mosepele wa go ithuta o sa ntse o le moleele. BOKHUTLO
education
4
Monna o fithetso a akgega mo setlhareng
Monna wa dingwaga tse di masome a mane o fitlhetswe a akgega mo setlhareng maitseboa a Mosupologo kwa Dekar mo Kgaolong ya Ghanzi bokone. Mogolwane wa mapodisi kwa Ghanzi, Assistant Superintendent Modiro Lekone a re monna yoo o bonwe ke mofeti ka tsela mme a begela ba bangwe mo motseng. A re moswi o tlholega kwa Verda. Setopo sa gagwe se santse se emetswe go bonwa ke ba bongaka kwa Ghanzi mme ditlhotlhomiso di santse di tsweletse. Mo go tse dingwe, Assistant Superintendent Lekone a re e ne ya re Mosupologo ka nako ya bone maitseboa mo tseleng ya Ghanzi/Grootlagte koloi ya Toyata Vits ya pitikologa, morago ga gore mokgweetsi wa yone a latlhegelwa ke taolo. O tlhalositse fa koloi eo e ne e le koloi ya setshaba (taxi) e hirisitswe. Rre Lekone a re ka lesego ga gona yo o tlhokafetseng fa rre yo mongwe a ne a bona dikgobalo tse di masisi mo tlhogong mme a ragosediwa kwa kokelong ya Marina kwa Gaborone . A re mokgweetsi wa koloi eo o ne a bona dikgobalo mo legetleng mme o santse a robaditswe kwa kokelong ya Ghanzi. Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile kotsi. BOKHUTLO
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Banana ba abela motlhoki
Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Bobonong, Rre Kganya Poloko, o akgoletse banana ba mokgatlho wa Legae mowa wa bopelotlhomogi. Fa a bua kwa moletlong wa go gokelela Mme Elizabeth Maemo pompo ya metsi le go tsenya ntlo ya gagwe digalase tsa diokomela bagwe, Rre Poloko o ne a supa fa Batswana ba tshwaragane e bile ba kgathala ka ba bangwe. Rre Poloko a re puso e na le dithuso le mananeo a a lebagantsweng le go tlhabolola matshelo a Batswana. A re le fa go ntse jalo go tlhokega gore setshaba le sone se thuse puso mo tirong ya go thusa ba ba tlhokang. Rre Poloko a re se banana ba Legae Social Club ba se dirileng ke se se amogelesegang mo setshabeng mme a kopa batsadi go ba ema nokeng fa ba kopa dithuso tse di ka tlhabololang matshelo a setshaba, bogolo jang ka maloko a setlhopha seo a sa bereke gope. Modulasetilo o ne a lebogela maiteko a banana bao mme a ntshetsa setlhopha seo P300 le go solofetsa go reka dimente di le masome a mararo ene le mokhanselara wa kgaolo ya Lepokole/Borotsi go feleletsa ntlo ya ga Mme Maemo. Moanamisa mafoko wa selthopha seo, Rre Thabo Masilo, a re ba tsere tshwetso ya go thusa Mme Maemo ka seemo sa gagwe se ba utlwisa botlhoko mme ba bona go le maleba go mo tsenyetsa pompo ya metsi gammogo le go mo tsenyetsa digalase tsa matlhaba phefo. Rre Masilo a re mokgatlho wa bone o ikaelela go thusa mongwe yo o tlhokileng lesego ngwaga le ngwaga mo kgotleng ya Borotsi. Modualsetilo wa Legae, Rre Poloko Jankie, ene o tlhalositse fa ba kgonne go kgobokanya P3 500 go fetsa tiro eo, mme a supa fa maikaelelo a bone e le gore mokgatlho oo o gole o kgone go thusa mo dikarolong tse di farologaneng jaaka go tlhama dikgwebo, go thusa mo go tsa diphitlho le mo go tse dingwe tse di ka tlhabololang matshelo a setshaba. Le fa go ntse jalo moemedi wa ofisi ya mopalamente, Rre Monkemedi Dingalo, o supile fa mowa oo wa go tlhabolola matshelo a batho o le botlhokwa thata. Mokhanselara wa kgaolo eo Mme Segabo o supile fa bogologolo go ne go sena batlhoki mme botlhoki bo dirwa ke sesha a re Batswana pele ba ne ba thusana. Mme Segabo o ne a kopa maloko a setlhopha seo go inaakanya le ba lephata la Gender Affairs gore ba kgone go simolola sengwe se se ka ba solegelang molemo.
society
9
Thuto ga e golelwe
Mogolwane wa lekalana la thuto-ga-e-golelwe kwa kgaolong ya Borwa, Mme Gagotheko Maruping a re puso e lemogile fa go tlhabolola lefatshe go tsamaelana le go ruta setshaba. A re ke ka moo thuto e leng dingwe tse puso e neng ya di baya kwa setlhoeng mo ditlhabololong, gore go seka ga nna le ope yo o santseng a sa itse go bala le go kwala. Mme Maruping o ne a bua kwa Ditojana jaaka fa ba thuto-ga-e-golelwe ba ne ba ile go lekola banni le go buisana nabo ka dikgang tsa thuo tse di amang ga-e-golelwe. Mme Maruping a re puso e ne ya lemoga fa maiteko a yone tebang le ditlhabololo e ka nna lefela fa go santse go na le Motswana yo o tlhaelang thuto e bile e le lone lebaka la gore ngwana mongwe le mongwe a isiwe sekoleng, go bo go nne le lenaneo la thuto-ga-e-golelwe. A re lenaneo le, le thusa ba dingwaga tse di simollang mo go 19 go fitlhelela ka mogolo yo matlho a gagwe a santseng a bona sentle ga mmogo le bagolo ba ba kwa dikgaolong le masimo a re go thapiwa moruta bagolo wa nakwana kwa lefelong leo yo o kgonang go bala le go kwala. O tlhalositse fa lenaneo la bagolo le bidiwa Adult Education fa la bana e le Out of School Education for Child Policy. Mme Maruping a re lenaneo la bana le simolotswe ka 2014 mme kwa kgaolong ya Borwa la dirwa e le ditekeletso mo mafelong mangwe go balelwa Ditojana go thusa bana ba ba botlana mme ba sa kgone go tsamaya sekgala se se telele go latela dikole kwa mafelong a a mabapi. A re e ne ya re lenaneo leo le simolola kwa Ditojana, ga kwadisiwa bana ba le 32, a supa fa se, se itumedisa ka jaana e a re ba sena go sugwa e bile dingwaga tsa bone di tutugile ba kgone go ya go tsweledisa kwa dikoleng tse dingwe jaaka se sebotlana sa ga-Segwagwa, a re mme fela ga a itumedisiwe ke go utlwa go twe bana bangwe ba kgona go tsena ba tla ba tswa mo sekoleng mme a kopa batsadi go alafa seemo se ka go tlhoafalela thuto ya bana. O tlhalositse fa bana bao ba fiwa dijo tsa moso le tsa motshegare kwa sekoleng e le thulaganyo ya puso e e simologileng ka 2016 mme e thusa thata go ngokela bontsi kwa sekoleng. E rile a ntsha lefoko la kgothatso, Reverend Prince Dibeela a kgothatsa bagolo ba ba mo thuto-ga-e-golelwe le baithuti ba bangwe go tshwara ka thata gore e re isago ba ise Ditojana golo gongwe. Rev. Dibeela a re o itumeletse go bona thulaganyo eo ya tekeletso e simologa kwa Ditojana, mme a kopa banni go e tshwara ka matsetseleko gore ba seka ba tlhabisa puso ditlhong, a re keletso ya gagwe ke go bona baithuti ba ntsifala go supa kgatelo pele.
politics
7
Leina Mokobeng le tswa kae
Fa o tla o tswa kwa Mahalapye o tsamaela kwa botlhabatsatsi, o tsamaya dikhilomithara di le masome a supa o bo o feta ka Machaneng. Go tswa mo Machaneng o tsamaya sekgelenyana fela se e seng sa sepe se mokgweetsi a ka tsayang metsotso e e sa feteng masome a mararo a bo a feta ka Sefhare. Ka tota bontsi jwa metse ya kgaolo ya Tswapong e sa katologana mo go kalokalo, go tswa mo Sefhare o tsamaya dikhilomithara di le lesome le bosupa o bo o gorogile mo Mokobeng. Mme fa gare ga Sefhare le Mokobeng go na le metse ya Borotsi le Chadibe, metse e fa motho e le lantlha a etela kgaolo ya Tswapong a se kelotlhoko, o ka gopola gore ke motse o le mongwe ka tota yone e patagane fela. Fa o tswa mo Sefhare o ya Mokobeng ga go na tsela e nngwe gape e o ka e tsayang o sa fete metse eo. Mme gone leina le Mokobeng le tswa kae, kgotsa go ne go tewa eng? Fa o tsena ka motse oo, dingwe tsa ditsatlholego tse o ka di lemogang ntle le go botsa beng gae ke setlhare se se anameng le motse oo sa mokoba. Mme fa o se motho yo o ratang go tlhotlhomisa, o ka akanya fela gore leina le la Mokobeng le tswa gone mo setlhareng seo kante nnyaa, ga go a nna jalo. Kgosi Obert Thutwe o araba dipotso tsotlhe tse di amanang le motse o. “Ngwanaka e kgang ya gago ga e a ntekana le wena o a bona gore tlhogo ya me e santse e le ntsho mme e kgang ke e e batlang matlhogotshweu ka gore le nna ke santse ke ithuta ditso tsa motse o mo go bone,” Kgosi Thutwe a tlhapela kgang ya me diatla. Ka lerato, o ne a ya go kopanya setlhopha sa babega dikgang ba BOPA le mongwe wa mabutswapele yo a neng a mo kaya fa e le mongwe wa ba ba mmalwa ba ba santseng ba le mo botshelong ba batsadi ba bone ba ba tlogeletseng kitso ya ditso tsa Mokobeng. Ya re fela fa re tsena, ya nna ekete ke motho a sa le a letile e bile a setse a fedile pelo. Mme tota nnete ke gore re ne re tla re ole fela jaaka leru re sa rulaganya bokopano le ene. Fa a utlwa potso e re ke kopa o ntlhalosetse ka botlalo gore leina le la Mokobeng le tswa kae, Rre Seabe Mokgosi a tshega a bo a gelola dikeledi mme moragonyana a re ke tshegiswa ke boitumelo ja gore o dira tiro e ntle ya go kwala ka ditso tsa motse o gore dikokomane di tle di sale di bala nna ke iketse badimong. Rre Mokgosi a kaya fa mo nakong ya gompieno ba setse ba le babedi fela le mme mongwe ba ba nang le kitso e e botoka ya ditso tsa motse. “Se ke tlaa se go bolelelang ngwana-wa-ngwanake ke se le nna ke se boleletsweng ke mme le nkuku ka gore nna tota fa bontsi ja dilo bo diragala ke ne ke ise ke nne teng fa gongwe ke ise ke tlhalefe,” ga bua Rre Mokgosi yo o dingwaga tse di masome a robangbobedi le borobabobedi. “Gatwe go ne go na le monna a bidiwa Matloane a tswa kwa lefelong lengwe le bidiwa Bobididi kwa Aferika Borwa mme a tla a thibelela fa godimo ga thaba e le lekoko la gagwe le a neng a tla a le goga kwa pele” Rre Mokgosi a bua a supa thaba e e gaufi le motse oo ka monwana. A re gatwe batho bao ba ne ba nna foo ka lobaka mme ya re ka lengwe la malatsi ga tla monna mongwe a tswa kwa mokwena a bidiwa Motlhabankwe mme a nna nabo foo. “Fa ba tlhalosa ba re e ne e le ka dingwaga tsa bo 18 tse ke ka sekeng ke di tlhomamise sentle ga mmogo le maina a borre ba babedi bao ka botlalo,” Rre Mokgosi a bolela. O ne a tswelela a re gatwe batho bao ba ne ba nna foo mme ba simolola go ntsifala ka bonya ka bonya. A re gatwe e rile go boneng palo ya batho e ntse e tsweletse ka go golela pele, morafe wa gakololana gore a go nne le motho yo o ba etelelang pele. Rre Mokgosi a re Matloane o ne a re ke ene moeteledipele ka gore ke ene yo o neng a tla a eteletse batho pele fa ba tla go thibelela foo mme morafe wa dumalana le ene. Mo letlhakoreng le lengwe, Motlhabankwe gatwe a ema a le nosi a re ke ene moeteledipele ka gore ke ene yo motona ka dingwaga mo bathong botlhe ba ba neng ba le foo. Gatwe kgang e, e ne ya tsosa kgaruru mme lekoko la ga Matloane la tswa ka mogopolo wa go koba Motlhabankwe. Rre Mokgosi o boletse gore batho ba ne ba dumalana le mogopolo oo ka bongwefela jwa pelo mme ga tsoga modumo o mogolo mongwe le mongwe e le yo o reng ‘a re mo kobeng, mo kobeng, ee mo kobeng, ga re mo itse.’ A re gatwe e rile modumo oo o ntse o tsweletse ga tla monna mongwe yo tota a neng a le mo ditseleng tsa gagwe fela a bidiwa Tshekedi go tswa kwa ga Mmangwato mme a rolelwa kgang e e neng e tsositse modumo e. Rre Mokgosi a re go bolelwa gore e rile Tshekedi a sena go utlwa kgang ya bone a kopa Matloane gore a kgang e nne modiga a tlogele Motlhabankwe a ba etelele ka a le motona. O tsweletse ka gore gatwe modumo o ne wa gakala ka lebaka morafe o supa fa o sa batle Motlhabankwe mme phelelong Matloane a dira se Tshekedi a neng a se mo kopa, a letlelela Motlhabankwe go ba etelela pele. Mme go tlhalosiwa fa morafe o ne wa sala o le bete se molangwana ka tshwetso e ka jalo ya re Tshekedi a sena go tsamaya ba bo ba sala ba bitsa lefelo leo ba re Mokobeng, go tewa gore kobang Motlhabankwe ka gore ga re mmatle. Rre Mokgosi a re ke ka moo le jaana motse o bidiwang Mokobeng e bile o na le dikgotlana tse di bidiwang Matloane le Motlhabankwe gareng ga tse dingwe.
society
9
Puo e tshwanetse go sirelediwa
Mothusa kgosi ya Shoshong, Kgosi Sejabosigo Ntsaga a re Batswana ba tshwanetse go sireletsa puo ya bone gore e seka ya nyelela. Kgosi Ntsaga o buile se kwa moletlong wa ngwao wa Bollapela kwa masimong a Mahutagane kwa Shoshong ka mafelo a beke. A re puo ke bontlhabongwe jwa ngwao mme e tshwanete go tsosiwa, ya rotloediwa gore e seka ya nyelela, ka e bile go na le merafe e le mentsi mo lefatsheng leno. O ne a tlhalosa gore puo ke selo se se kgonang go tsamaya motlhofo mme Batswana ba tshwanetse go itse gore puo ke seipone mme ba tshwanetse go e sireletsa. Kgosi Ntsaga a re Batswana ba tswanetse go ipelafatsa ka puo ya bone, a tlatsa ka gore ke tshenolo ya dikakanyo le ditsamaiso tsa matshelo a bone. A re puso ke sefalana sa ngwao, mme ka jalo Batswana ba tshwanetse go ipatla fa ba leng teng gore a ba ntse ba mo tseleng ya go boloka puo le ngwao ya bone. A re Batswana ba tshwanetse gape go itshekatsheka gore a mme mo dinakong tsa gompieno ba sa ntse ba tshegeditse ngwao, bogolo jang thata tiriso ya diane tse ka tsone puo ya Setswana e di humileng. A re diane ke tsone thanodi ya gore Motswana ke mang e bile o ya kae. A re diane di a ruta, di a gomotsa, di a kgalema gape di a laya. Kgosi Ntsaga a re puo ke selo se se nyelelang motlhofo e bile ka Batswana malatsing ano ba tlotlile sekgowa thata, Setswana se ka nyelela. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa le ene o ne a tlhalosa fa puo e le sekao sa batho mme ka jalo e tshwanetse go babalelwa. Kgosi Mosielele a re Batswana ba tshwanetswe ke go ema ka dinao ba baakanya dilo di ise di ye masweng , ka gore mo malatsing ano o ftlhela ngwao le puo ya Batswana di itsewe di supiwa thata ke batho ba ba tswang kwa ntle. O ne a kopa batsaya karolo ba moletlo o go ema ka dinao go ruta bana puo le dingwao tsa bone gore di seka tsa nyelela. A re puo e aga motho mme ka jalo e tshwanetse go rotloediwa. Mopalamente wa kgaolo, Rre Dikgang Makgalemele o ne a leboga barulaganyi ba moletlo o, go bo ba bone go le botlhokwa go dira moletlo wa ngwao gore e seka ya nyelela. Rre Makgalemele a re meletlo ya go nna jaana, e rekisa kgaolo ya Shoshong, e bile e oka bagwebi go tla go bona gore kgaolo ya bone e na le eng se se tlhamang ditiro ga mmogo le go e tlhabolola. BOKHUTLO
arts_culture_entertainment_and_media
0
Ba itumeletse bo Omang
Bazezuru ba Mandunyane ba kgotla ya Maseka ba boletse fa ba itumetse e bile ba akgola puso go bo e dirile thulaganyo ya gore ba fiwe dikarata tsa Omang. Mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mandunyane, Rre Samuel Moturiti o supile fa bontsi jwa Bazezuru ba sa bolo go tla mo lefatsheng leno ka 1952 mme a re le ntswa ba sa bolo go thibelela mono, go ne go sa kgonege gore ba ka fiwa dikarata tsa Omang ka mabaka a a farologaneng. A re ba ne ba ikuela mme puso ya reetsa selelo sa bone ka jalo ga dirwa dipatlisiso le ditshekatsheko tse di maleba mme ba felela ba filwe dikarata tseo. Rre Mutoriti o supile fa mo nakong eno, bontsi jwa bone, bogolo jang banana ba ba lekaneng go tsweledisa dithuto tsa bone kwa dikolong tsa ithutelo tiro ba setse ba filwe dikarata tseo. A re Omang o botlhokwa thata mo matshelong a bone e bile o dirile pharologanyo ka e rile pele ga ba mo fiwa, ba bo ba lebanwe ke dikgwetlho ka jaana ba ne ba sa kgone go bona dithuso di akaretsa tsa botsogo le tse dingwe ka go farologana. O supile fa ba ne ba na le kgatlhego ya go ikopela mananeo a puso ka go farologana le gone go nna le seabe mo ditirong tse di ka tlhabololang lefatshe leno mme sebe sa phiri e le letlhoko la Omang. Rre Mutoriti a re botshelo bo fetogile ka jaana ba setse ba kgona go akola ditlamelo di akaretsa kalafi le thuto ya bana ntle le dituelo dipe. O boletse fa bangwe Bazezuru ba setse ba amogetse dithuso tsa nyeletso lehuma di akaretsa ditshingwana tsa merogo le tse dingwe. A re bangwe banana ba supile kgatlhego mo mananeong a a farologaneng a banana mme ba setse ba ikopetse dithuso tsa madi go simolola dikgwebo. Go sale foo, Rre Mutoriti a re le ntswa morafe wa Bazezuru o itsege ka go itirela ka diatla ka go dirisa didirisiwa di akaretsa disenke le dipolanka go dira dikgamelo le ditafole, seemo se setse se ba ketefalela. A re kwelo tlase ya theko ya dithoto tsa bone le ditlhwatlhwa tse di golelang pele tsa didirisiwa tse ba di tlhokang di tsweletse ka go ama dikgwebo tsa bone ka tsela e e sa siamang. Rre Mutoriti a re tsholofelo ke gore jaaka ba setse ba na le dikarata tsa Omang, ba tla ikopanya le diofisi tse di maleba go kopa kemo nokeng. A re seo se ka thusa go atolosa dikgwebo tsa bone le gone go bona didirisiwa tsa boleng jo bo rileng gore ba dire dithoto tse di kgatlhisang. BOKHUTLO
politics
7
Dikgang tsa bogosi di masisi
Mma-Kgosi wa Batawana, Mme Moremi o kopile Batawana go bua dikgang tsa bogosi ka kelotlhoko ka jaana di le masisi. A re fa dikgang tsa bogosi di ka tlontlolola morafe fa batho ba sa di ele tlhoko ka di ka tsala ditsheko. O buile jalo kwa kgotleng kgolo jaaka morafe o ne o tsile go tla go rolelwa ke ba bogosi ka kgang ya go kaba phatlha ya mothusa kgosi e e neng ya bulega ngogola morago ga loso lwa ga Kgosi Pitsoyabosigo Moremi. A re fa ba bua ka bogodi ba tswanetse ba bua dikgang tse di agang ntlo ya ga Moremi le Letsholathebe e seng dipuo tse di ka ba tsenyang mohoholela. Bangwe ba ba-tsena phutego eo ba ne ba le sebete se molanwagana ka leina la ga Rre Pringle Dithapo yo o tlhophilweng ke marara gore o ka thusa kgosi kgolo. Ba ne ba batla ditlhaloso tsa gore o tsena jang mo tsamaisong ya bogosi ka jaana magosi a pele a na le bana ba ba ka neelwang phatlha ya mothusa kgosi. Dipuo di ne tsa nna mafaratlhatlha ka bangwe ba ne ba lela ka gore motshwarelela kgosi kgolo, Kgosi Kealetile Moremi le marara ga ba a dira morero o o lekaneng. Ba re ba dumela fa moswi Pitsoyabosigo Moremi le lelwapa la ga Kgosi Mathiba ba na le bana ba ba ka dirang tiro. Kgang e ne ya kukediwa ke bangwe ba dikgosana ka jaana go supagala fa bone ba sa rerisiwa go le pele ka tshwetso ya bogosi mme dipotso tsa bone le tsone tsa nna matsorotsoro di latela ke tsa morafe ke ka jalo mmakgosi a neng a ema a gakolola morafe. Mma-Kgosi o ne a lemotsha morafe gore fa borara bo thulantse ditlhogo ke sesupo sa gore ba setse tsamaiso morago. A re go supa gore ba sekaseke pele ga ba ka tsaya tshwetso e e maleba. E ne e rile go le pele a rola kgang, motshwarelela kgosi kgolo, Kgosi Kealetile Moremi a tlhalosa fa borara bo ne jwa kopana mme jwa dumalana ka bongwefela jwa pelo go tlhopha Rre Pringle Dithapo go kaba phatlha ya mothusa kgosi. A re tshwetso eo e dirilwe morago ga tshekatsheko e e tseneletseng ka jaana maina a ne a tswa a le marataro mme kwa phelelong Rre Dithapo a tlhophiwa. A re ba ne gape ba dira jalo ba lebeletse molao wa bogosi o o fang kgosi dithata tsa go tlhopha yo o ka mo thusang mme morago a rerise morafe ka tshwetso ya gagwe pele ga leina le ka isiwa kwa pele. Kgosi Charles Letsholathebe o ne a supa fa se ba se dirileng ba sa fapoga tsamaiso gope a tlatsa kak gore le ka nako ya ga moswi Pitsoyabosigo ba dirile fela jalo. A re ga a gopole ka nako epe morafe o botsolosa ka ditso tsa bogosi gore mang o tsena jang fa go rileng mme a kopa morafe go wela dibete ka ba tsere dikgato tsotlhe tse di maleba. A re bogosi jwa goo-Tawana bo ntse bo melediwa mathe ke merafe e mengwe mme a kopa morafe go boela morago mafoko a a ka tsosang modumo. “lo seka lwa re tsenya mo bogosing jo bo lwelwang ka jaana re gata mo dikgatong tsa boraarona”. Kgosi Letsholathebe o ba kopile gore ba seka ba senya tsamaiso ya motheo ya bogosi. Kgosi Dingalo wa Shorobe o ne a tshwaela ka gore morero o lekane a supa fa go tsere nako gore ba kabe phatlha eo ka jaana ba ne ba dira ditshekatsheko. A re malwapa otlhe a bogosi a a maleba go rerisantswe le one mme ba itoka fa ba ka se kgone. Morago ga ditlhaloso tseo morafe o ne wa amogela leina la ga Rre Dithapo ka diatla tsoopedi. BOKHUTLO
society
9
Maitlamo, tshwaragano, boitsholo konokono
Mothusa mmatoropo wa Lobatse, Rre Francis Mokwena a re maitlamo, boitshoko, bopelotelele, tshwaragano ya komiti ya batsadi le barutabana le boitsholo jo bontle jwa baithuti ke konokono mo go ntsheng maduo a a kgatlhisang mo dikoleng. Rre Mokwena, yo o simolotseng tiro ya gagwe e le morutabana, o buile mafoko ao bosheng kwa Vaalhoek, mo letsatsing la go ipelela phenyo ya maduo a baithuti ba lokwalo lwa bosupa a ngogola. Ipelo eo, e ne gape e lebagane le kaloso ya dialogane tse di yang go dira lokwalo lwa ntlha, kabo dimpho le ipelelo dingwaga tse di masome a mane sekole sa Vaalhoek se ntse se le teng. Mothusa mmatoropo wa Lobatse o kaile fa tshwaragano le therisanyo ya ba-tsaya karolo botlhe, e ka thusa mo go tseeng ditshwetso tse di maleba mo dikgannyeng tse di amang thuto le gone go bopa le go betlela tsela dikokomane tse di tlang. A re puso e tseela thuto kwa godimo, ka jalo e tlhomile kwa pele tshwaragano le go gwetlha go kopanela kgodiso ya bana le batsadi, ba-na-le seabe, maphata a a tlhokomelang bana, ba boipelego, bagakolodi le ba tshidilo maikutlo. Rre Mokwena o ne a bolela fa go itumedisa go bo se sekole se sebotlana sa Vaalhoek, se se leng kgakala le ditlamelo se tsweletse ka go tsabakela mo maduong a lokwalo lwa bosupa, go simolola ka ngwaga wa 2015, ka go gaisa dikole tsotlhe tse di mo Kgalagadi borwa, mme ngwaga o o fetileng sa dira go tlala ka diatla ka se bone maduo a 100 per cent ka go gaisa dikole tsotlhe tse di mo Kgalagadi, ka ntlha ya maitlamo a barutabana le batsadi le maitsholo a mantle a baithuti. O ne a gwetlha dikole tse dingwe go tsaya malebela mo sekoleng seo, ka seo se ka thusa thata mo tokofatsong ya maduo mo dikoleng tsa bone. O ne a phophotha legetla barutabana ba sekole seo, ka tiro e ntle e ba e dirang le gone go lemoga seabe sa barutabana ba pele mo sekoleng seo, ka go tlhagolela baithuti tsela le go isa serodumo sa thuto kwa godimo mo sekoleng seo. Fa a bua le baithuti, o ne a bolela fa go fetsa lokwalo lwa bosupa e le tshimologo ya loeto, mme ba tshwanetse go itoma molomo wa tlase ka go tlhwaafalela dithuto tsa bone, ka seo se ka thusa mo go ipetleleng bokamoso jo bo siameng mo isagong. Fa a amogela baeng, mogokgo wa sekole sa Vaalhoek, Mme Nametso Gaelebale o ne a tlhalosa fa letsatsi leo e le go itumelela maduo a mantle a sekolo seo, gammogo le leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo go iseng kwa godimo maduo a sekole seo, ka ntlha ya tshwaragano le maitlamo a batsadi le barutabana le setshaba kakaretso mo motseng oo. Mme Gaelebale o boletse fa baithuti mo sekoleng seo monongwaga ba le lekgolo masome a mararo le borataro, go simolola ka mophato wa Reception Class go fitlha ka lokwalo lwa bosupa le barutabana ba le lesome le bongwe. O kaile fa gape ba tiisiwa moko ke ba lephata la thuto ka go ba atswa ka madi le dikopi, e le tsela nngwe ya go ba rotloetsa. O ne a leboga mongwe wa barutabana, Rre Boago Sebobi go tswa sekoleng sa Maralaleng, yo o itlamileng go rotloetsa dikole tse di akaretsang Bokspits, Rapplespan, Vaalhoek le Struizendam (BORAVAST) ka dikopi tse di fapaanelwang go ya ka fa sekole se gaisitseng tse dingwe ka teng. Mo mafokong a gagwe, Rre Sebobi o kaile fa kabo ya dikopi tse di gaisanelwang tseo go tswa mo boteng jwa pelo ya gagwe, mme e le tsela nngwe ya go rotloetsa baithuti go tsenya marapo dinameng mo dithutong tsa bone. Kgosi Marea Bok wa motse oo, a re sekole seo se simologile morago ga gore ba lemoge fa bana ba tsamaya sekgala se se leele go ya kwa sekoleng kwa Bokspits mme ene le ba bangwe ba aga matlo a borutelo ka boithaopo ka 1975, mme morago ba kopa go agelwa sekole ke puso ka ngwaga wa 1977. Kgosi Bok o ne a leboga le go galaletsa morafe wa gagwe, go nna le mowa wa boithaopo, tshwaragano, therisanyo le kutlwano tse di tsweletseng ka go rena mo motseng wa gagwe. E bile e le tsone di ba kgontshitseng gore ngwaga ono ba bo ba ipelela dingwaga tse di masome a mane sekole seo se ntse se le teng. Mo mafokong a gagwe a kgothatso, mogokgo wa sekole se segolwane sa Kgolagano, Rre Alphius Ramotsababa o ne a gwetlha batsadi go tsaya boikarabelo mo tlhokomelong ya bana. O kaile fa batsadi bangwe ba na le mokgwa wa go itlhokomolosa bana, mme ba beye mokgoleo otlhe fela mo barutabaneng morago ga go amogelwa ga bana go dira mophato wa ntlha kwa sekoleng seo. Rre Ramotsababa o ikaile fa go tlhoka tlhokomelo le kemo nokeng ya batsadi mo baneng kwa dikoleng, go na le seabe se sentsi mo bo-tlhoka tsebeng jwa bana, jo bo akaretsang go utswela ba bangwe dilwana kana madi le gone go tsena mo go tsa marato ba lebile gore ba ka neelwa sengwe le sengwe se ba se tlhokang. Baithuti ba ba dirileng sentle mo dithutong le barutabanana ba ne ba abelwa dimpho le ditlankana e le tsela ya gore ba tswelele ba dira ka natla. BOKHUTLO
education
4
Mopalamente o rotloetsa bophepa mo kgaolong
Banni ba Kokotsha kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba galaleditse dikgaisano tsa mabelo a dipitse tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga ba re di ka tokofatsa matshelo a bone . Mothusa modulasetilo wa komiti e e tsamaisang dikgaisano, Rre David Titus, o tlhalositse mo potsolotsong fa mabelo ao a simologile ka 1984, e le tsela nngwe ya go tlosa banni bodutu bogolo jang ka malatsi a boipuso, keresemose le ngwaga o mosha. A re e ne ya re morago ba lemoga fa e ka nna dikgaisano tse banni ba ka tlhabololang motse le go tokafatsa matshelo a bone ka tsone. Rre Titus a re dikgaisano tsa monongwaga di tsamaile sentle fa go tshwantshwangwa le tsa ngwaga oo fetileng ka di ne di tshologetswe ke bontsi jwa batho tsa bo tsa bulwa semmuso ke Mothusa Tautona, Rre Siumber Tsogwane. A re dipitse tsa letsopa la Tswana, Through le Cross breed di le masome a ferabongwe go tswa Churleshill, Takatokwane, Motokwe le Jwaneng di ne di gaisanela mabelo a a farologaneng. Rre Titus a re ba ikaelela go itoma molomo wa tlase ngwaga o o tlang, go baakanya lebala, go aga ntlwana ya fa go duelelwang teng le mabante a a supang ba ba duetseng. O supile fa bontlha bongwe jwa madi a ba a dirileng mo dikgaisanong a thusa mo ditlhabololong tsa motse le gore maikaelelo magolo a bone ke go agela banni ba ba tlhokileng lesego. Rre Titus o kopile kemo nokeng a re ga ntsi ba thusiwa ke lephata la banana le ngwao ga mmogo le lekgotla la BALA. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Kokotsha, Mme Mpelegang Mphuthele o tlhalositse fa mabelo a dirile diphetogo mo matshelong a banni ba motse oo. A re bontsi bo itshetsa ka temo le go rekisa maungo a naga. Mme Mphuthele a re komiti ya ditlhabololo tsa motse e tshwaraganye le kgosi, mokhanselara le komiti e e tsamaisang dikgaisano ba tlhomamisa gore mongwe le mongwe a obe letsogo mo go tsone ka go ba rekisetsa metlaagana ka go hapaana ngwaga le ngwaga. Mongwe wa bagwebi, Mme Kentsenao Thumpe o itumeletse dikgaisano, a tlhalosa fa kgwebo ya gagwe e ne ya tsamaya sentle. O ngongoregile ka bomaipaafela ba ba neng ba rekisetsa kwa ntle ga lebala ba sena diteseletso mme a kopa komiti go baya seo leitlho mo nakong ee tlang. Mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia o supile fa dikgaisano di tsamaile sentle ka go ne go sena sepe se se hatlhang jaaka dikotsi le borukutlhi. A re bakgweetsi le setshaba ba ne ba dirisana sentle le mapodisi fa beng ba marekisetso a bojalwa ka ba ne ba obamela dinako tsa go bula le go tswala.
health
6
Go dira ka thata go a duela
Go bolelwa fa thuto e le sedirisiwa se se botlhokwa thata mo botshelong ka e ka betlela motho botshelo jo bo siameng. E rile a bua kwa moletlong wa kabo dimpho wa sekole se se botlana sa motse wa Letsholathebe kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, mothusa mookamela mapodisi a Masunga, Assistant Superintendent Boitshepo Kaisara a gwetlha baithuti go tlhoafalela thuto ya bone gonne mo metlheng eno gore motho a bone tiro e e ka mo fang dikatso tse di botoka tse di ka mo thusang go itepatepanya le diemo tsa botshelo, o tshwanelwa ke gore a bo a iteilwe seatla mo go bonalang. Assistant Superintendent Kaisara a re ba ka kgona fela fa ba simolola go dira ka thata ba sale ba botlana. A re baithuti ba tshwanetse ba itse fa motho yo o senang thuto, e le moka a senang sa gagwe mo botshelong. O tsweletse a bolela fa thuto e le yone e e fang motho lesedi le kitso ya go dira dilo ka go farologana mme ele ka fa go tshwanetseng. O tsweletse a kopa batsadi go nna ba sekaseka tiro ya bana ya sekole gore kgone go itse gore ba tsweletse jang mo dithutong tsa bone ka go dira jalo go ka thusa gore bana ba dire sentle fela thata mo dithutong tsa bone. Mogolwane yoo wa sepodisi o abetse sekole sa Letsholathebe dipula di le makgolo a le matlhano go dirisiwa mo tsamaisong ya letsatsi le letsatsi ya sekole seo. Mogokgo wa sekole seo, Mme Kemoneilwe Majoko o gwetlhile batsadi le barutabana go tshwaraganela go ruta bana boitsholo jo bo amogelesegang. O boletse gore seo se ka dira gore tikologo ya sekole e nne e e siameng e bile e itumedisa baithuti gammogo le barutabana. Mme Majoko a re sekole sa bone se dirile sentle mo dingwageng tse pedi tse di fetileng ka go ntsha 67% ka 2012 fa ka 2013 ba bone 89.9%. A re mme ka fa ba neng ba ipapanne ka teng monongwaga, ba ipeetse seelo sa 95% mme e bile o na le tshepo ya gore ba tla a se fitlhelela. Le fa go ntse jalo, mogokgo a re o tshwenngwa ke gore sekole sa bone se tlhaelelwa ke ditlamelo di le mmalwa tse a tlhalositseng di na le seabe mo go folodiseng maiteko a bone a go gatela pele mo go ntsheng maduo a a itumedisang. Fa a ntsha lefoko la kgothatso, mogolwane wa tsa bogakolodi go tswa mo komponeng ya I-Six Logistics, Rre Pangaman Kaisara o boletse fa go le botlhokwa gore morutabana, moithuti le motsadi mongwe le mongwe a itse boikarabelo jwa gagwe mo thutong. Rre Kaisara a re go ka nna molemo fela thata fa boraro joo, bo ka bereka bo le seopo sengwe gore baithuti ba fitlhelele thuto ya boleng jo bo kwa godimo, jo bo ka thusang mo tswelelopeleng ya bokamoso jwa lefatshe leno. Moletlo oo o ne o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng ‘Go dira ka thata go a duela’.
education
4
Monana a ikanya thekiso ya dijo
E re ka gotwe phokoje go tshela yo o dithetsenyana, monana mongwe kwa Tlokweng o itshetsa ka kgwebo ya dijo. Rre Moses Thokwane, yo o tlwaelesegileng ka leina la Jabu, o dira kgwebo e e bidiwang Jabu’s Food Express. Fa a bua mo potsolosong le BOPA, Rre Thokwane o tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya gagwe ngogola morago ga go tlogela tiro. A re o simolotse kgwebo go le thata ya lentswe mme ka thotloetso ya ditsala tsa gagwe a seka a ineela. “Ke simolotse ke dira ka kiribane, batho bangwe ba ne ba nkgoelela mme ka kgothadiwa ke mme mongwe a nthaya a re kiribana e e ta tsoga e ntheketse koloi,” ga tlhalosa Rre Thokwane. O ne a tswelela a tlhalosa fa e rile go tswa mo kiribaneng eo, kgwebo ya gagwe ya tlhatloga mme a kgona go reka kolotsana ee rekisetsang dijo. A re kgwebo ya gagwe e kgonne go bonala morago ga go thusiwa ke Rre Maatla Basha, ka go anamisa kgwebo ya gagwe mo maranyaneng a Internet. “Kgwebo yame e dira sentle mo nakong ya gompieno ka jaana ke kgonne go hira babereki ba le bararo. Ke kgonne gape le go reka koloi e nthusang go tsamaisa kgwebo yame,” ga bua Rre Thokwane. O boletse gore o simolotse ka madi a tswang mo pateng ya gagwe, mme mo nakong ya gompieno a letile go bona dithuso tsa madi go tswa ko lephateng la banana gore a e atolose. Ka jaana kgwebo le dikgwetlho ele di ya thoteng, Rre Thokwane le ene o kopane le le dikgwetlho mo kgwebong ya gagwe, jaaka go rutuntsha babereki ba gagwe ka go thusa bareki. Le fa go ntse jalo, Rre Thokwane a re ga a kitla a boela kwa morago ka jaana a ikiteile sehuba go fitlhelela toro ya gagwe ya go tsamaisa kgwebo ya dijo. O ne a tlhalosa fa a rotloetsa monana yo o ising a bone tiro go ema ka dinao a sa tlhabiwe ke ditlhong, go simolola kgwebo ka e le yone tsela ya go tswa mo lehumeng. A re seo gape se ka thusa puso go lwantsha letlhoko la ditiro ka jaana fa banana ba tsena mo go tsa dikgwebo ba ka nna le sebaka sa go hira ba bangwe. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Leburu a re go tsofala yo o ratang
Mme Tebelelo Leburu, 82, wa kgotla ya Kgosing kwa Sehithwa o kaile fa bogodi bo sa itse ope go iphataphatela. E rile mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Leburu a tlhalosa fa a itshetsa ka dithupana tsa morogo wa rape mme e bile ba lelapa la gagwe ba ka seke ba lala ka tlala. “Ke fiwa dithupana tsa morogo ke ngwanake yo e leng morekisi wa tlhwatlhwa wa morogo kwa Maun. Go le pele ke ne ke dirisa dithupana tse go jesa dipudi kana ke efa bafeti ka tsela, mme pheletsong ka lemoga fa di le botlhokwa e bile nka dira seshabo ka tsone,” Mme Leuru a latlhela. E rile a lemoga fa dithupana tse tsa morogo di ka mo tswa mosola e bile di ka fokotsa theko ya nama mo lapeng, mme Leburu a simolola go segelela, go anega le go ipolokela dithupana tsa morogo ka 2016. O kaile fa se, se sa tlwaelesega ka bontsi bo nna bo latlha dithupana tse ba sa itse mosola wa tsone. O tlhalosa gore botlhale jo, bo ne jwa mo inola mo lehumeng ka e bile ga a di direle go ja fela, o kgona go rekisa morogo wa tsone mo motseng. O supile fa a rekisa kopi P5 mme e bile batho mo Sehithwa ba o itumelela e bile ba o rata. Mme Leburu o kaile gore dithupana tse tsa morogo wa rape fa di sena go oma, o tlhadia morogo wa tsone go ka nna ga raro, a bo a o apaya ka setokana sa nama go fitlhelela o butswa a bo a tshela mafura le letswai a bo a dira loswao. O supile fa seshabo se, tatso ya sone e le monate. Leswana le letona o le rekisa P5 mme o kaile fa bareki ba gagwe ba ne ba mo rotloetsa go apaya borotho jwa magala gore ba shabele ka morogo. Mme Leburu o tlhalositse fa mo medirong jaaka manyalo, a phutha matlhare a cabbage mme a o segelele a bo a omisa gore a kgone go o apaya mo nakong e e tlang. O kaile fa se e le tsela nngwe ya go boloka. Mme Leburu o rotloeditse bangwe ka ene gore ba se ka ba itsapela go itirela mo botshelo. Gangwe le gape, o kopile goromente go sekegela bagodi segolo bogolo batlhoki tsebe, ka go ba fa maneneo a a maleba a ba ka itshetsang ka one. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Mabogo dinku a a thebana
Mokwaledi mo lephateng la dipalamo le ditlhaeletsano, Mme Goitsemang Morekisi, a re nako e fitlhile ya gore Batswana ba tsosolose mowa wa bo ja mmogo. Mme Morekisi o buile sebosheng fa lephata la gagwe le ne le abela Rre Quararea Xao ntlo kwa D'Kar mo kgaolong ya Ghanzi. A re Batswana ke batho ba le bogologolo ba neng ba kgona go thusana, mme a re ba tshwanetse ba tsosolosa serodumo seo mme ba diragatse matshego a Tebelopele ya 2016. Ntlo e ne e agiwa ke lekalana la tsa dipalamo tsa puso mo lephateng la dipalamo le ditlhaeletsano, ka thuso ya makalana a mangwe mo lephateng ka kakaretso. Mme Morekisi o ne a ba galaleletsa tiro e ba e dirileng ka jaana ba file boora Xao seriti. Mme Morekisi a re puso e dumela mo go tokafatseng matshelo a Batswana ka go thusa ba ba sa kgoneng le go ba fa mananeo a go ka itshetsa go ka fetola le go tokafatsa seemo sa bone sa botshelo. A re go nametsa pelo go bona ba-na-le-seabe go tswa mo pusong, mo go ba ba ikemetseng ka nosi le setshaba sotlhe go bo ba eme ka dinao go thusa segolo bogolo go agela ba ba tlhokang. E re go ntse jalo, Rre Augus Malefo, mogolwane kwa lekalaneng la tsa dipalamo tsa puso, o tlhalositse ka fa go tsamaileng ka teng go fitlha gore ba abele boora Xao ntlo. Rre Malefo a re e ne ya re ngogola ka 2014 ba feta ka kgaolo ya Ghanzi ba le mo loetong go tswa Mohembo kwa ba neng ba ile go abela lelwapa lengwe dimpho. Ba ne ba kopana le seemo sa goora Xao e se se se itumedisang gotlhelele ka jalo ba tsiboga. Rre Malefo a re ba ne ba simolola ka go aba mophuthelo wa matsatsi a botsalo jwa Morena e le diaparo le dijo; ka jaana ba ne ba lemoga fa lelwapa lwa goora Xao le sena go ka itumela le batho. Mme a re e rile go ntse go ya ba bona go le maleba go aga ntlo; ka jaana boora Xao ba ne ba nna mo lejorong le ba neng ba nna mo go lone ba le masome a mabedi le bosupa; mme ruri se sa jese diwelang. Go ya ka Mme Morekisi lephata la gagwe le setse le abile dithoto di tshwana le tsa maranyane kwa dikoleng, dijo le diaparo mo mafelong a a farologaneng’ ba setse e bile ba phepafaditse tikologo e le gone go tshegetsa matshego a tebelo pele ya setshaba. Mme Morekisi a re lephata la gagwe le setse le agile la bo la aba yone ntlo e e mo DKar ya goorra Xao; mme a tlhalosa gore ntlo e nngwe e a agiwa kwa Francistown le kwa Khawa.
society
9
Bomme ba kgothadiwa go tshwara ka thata
Bomme ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba kgothaditswe go tswelela ba tshwere ka thata mo dikgwebong tsa bone ka jaana malwapa a le mantsi mo Botswana a eteletswe pele ke bone. Seo se builwe ke mogolwane wa lekalana la merero ya tsa bong, mo lephateng la pereko le selegae, Mme Poloko Sethono kwa thutothutanong e e neng e rulagantswe ke lephata leo mo Fracistown ka Labobedi. Mme Sethono a re o lemogile gore bomme ke bone gape ba ba rweleng boikarabelo jo bogolo mabapi le go tshetsa ba ba ikaegileng ka bone. O tlhalositse gore dipalo di supile fa dikgwebo tsa bomme di feta masome a marataro mo lekgolong, a tlatsa ka gore se se raya gore dikgwebo tsa bomme di botlhokwa mo itsholelong ya lefatshe leno. Mme Sethono a re dikgwebo tsa bomme di gola ngwaga le ngwaga a re ba simolotse ka bagwebi ba le lekgolo, mme gompieno ba bua ka ba le lekgolo le sephatlo. A re go botlhokwa go lemoga fa maiteko a puso a tsweletse go leka go nonotsha bomme mo mebarakeng. Mme Sethono o supile fa lephata la tsa kgwebo, le e fa bomme, banana, banalebogole seemo se se kgethegileng fa go tla mo dithekong tsa puso. O bile a re le fa ntswa puso e dira maiteko a magolo jaana, go sa ntse go na le dikgwetho tse ba tshwanetseng ba di lwantsha, mme ka maswabi go na le dipego tsa gore bangwe ga ba dirise madi a ba a filweng sentle, fa bangwe ba ba mo ditlhopheng ba simolola dintwa fela jaaka madi a tsena kwa bankeng. Mme Sethono o ba tsibositse gore puso ga e kake ya emela tlhoka boikarabelo e e kana, mme ba ba dirang bosutlha le bosula jo, ba tlaa tseelwa dikgato tse di gagametseng. O tlhalositse gore motlapele a re “motlhoka sa gagwe ke moka a suleng’’ ka jalo o ba gwetlhile gore ba tlhwaafalele maiteko a puso mo go buseletseng seriti sa bone, ka jaana lehuma le diga motho seriti.
economy_business_and_finance
3
Kgetsi o ithaopela ba-na-le bogole
Ammaaruri Motswana o iteile kgomo lonaka fa a re kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. Se se dirwa ke Rre Morgan Kgetsi wa dingwaga tse di masome a mane le bone wa Mochudi mo kgaolong ya Kgatleng, yo o nang le kgwebo ya madirelo a moriri yo o ithaopetseng go beola bana ba ba tshelang ka bogole ba sekole se segolwane sa Linchwe a sa lope dituelo dipe mo go bone e le tsela ya go pataganela go godisa bana bao le barutabana le batsadi. O boletse fa kgwebo eo, a e simolotse dingwaga tse di fetileng mme e bile a thapile banana ba le botlhano a supa fa esale a simolola go ithaopela bana ba sekole seo ka ngwaga wa 1994 a kaya fa kgwebo ya gagwe e setse e godile fela thata. A re o dumela gore mowa wa boithaopo ke one o o thusang gore kgwebo ya gagwe e gole,o boletse mo potsolosong le BOPA gore o gwetlhilwe ke go bona bontsi jwa bana bao e leng batlhoka pono e bile ba nna mo sekoleng mme ba le pharologanyo le bana ba bangwe mo ditlhogong. A re morago ga moo,o ne a ikgolaganya le bagolwane ba sekole seo mme a itlama go ba beola a sa lope dituelo dipe mo go bone a tlatsa ka gore se se mo gwetlhileng gape ke gore o godile a sotlega e bile a tshegwa ke baithuti ba bangwe ka a ne a ya sekoleng a sa lebege sentle. A re seo ka bonosi sa mo gwetlha go thusa baithuti bao a tlhalosa fa a itse botlhoko jwa teng a supa fa moithuti wa go nna jalo a ka seke a dire sentle mo dithutong tsa gagwe, ka o tlaa bo a itebela kwa tlase mme seo se mo kgoreletse mo dithutong tsa gagwe se bo se seya bokamoso jwa moithuti. O tlhalositse fa tiro eo a e dira ka lorato a tlatsa ka gore o na le tshepho ya gore tuelo ya gagwe e ko legodimong, a supa fa e bile a setse a na le botsalano le bana bao a tlatsa ka gore ba mo tsaya jaaka motsadi wa bone se a supileng fa seo se mo itumedisa fela thata. E ne ya re a a fa bopaki ka seo, mothusa mogokgo wa sekole se, Mme Oteng Phatshwane a re ngwaga le ngwaga ba rolela Rre Kgetsi bana bao se a kaileng fa seo se kopilwe ke ene gore a thuse bana bao. Mme Phatshwane o ne a lebogela tiro e e dirwang ke Rre Kgetsi fela thata,a bolela fa a eletsa gore batho ba bangwe ba ne ba ka bo ba tshwana le ene go thusa bao ba ba tlhokang thuso a tlatsa ka gore setshaba se tlhoka batho ba ba tshwanang le ene. Mongwe wa baithuti, Ofentse France moithuti wa lekwalo la ntlha e bile a akola boithaopo jwa ga Rre Kgetsi, o tlhalositse fa tiro e Rre Kgetsi a e dirang e le ntle mme a re se segolo ke gore o ba fa lorato, a tlatsa ka gore o itumelela gape le gore ga ba nne le batsadi ba bone mme o ikutlwela lerato la setsadi fa ba na le ene.BOPA
economy_business_and_finance
3
Kgosi Thwane o lebogela khomputara
Kgosi wa motse wa Artesia mo kgaolong ya Kgatleng o lebogile ba sepodise sa Botswana mo kgaolong ya Borwa Legare, morago ga gore ba rekele ofisi ya gagwe sebalamakgolo. Fa a amogela mpho eo, Kgosi George Thwane o ne a supa fa e le mpho ya botlhokwa fela thata, a tlatsa ka gore e tsile ka nako e e siameng, e mo go yone botshelo bo laolwang thata ke kitso ya tiriso ya dibalamakgolo. O ne a solofetsa mapodise fa sebalamakgolo seo se tlaa dirisiwa sentle, a kaya fa le metse e e fa tlase ga motse wa gagwe e e akaretsang Kgomodiatshaba, Leshibitse le Dikgonnye di tlaa thusega thata ka sebalamakgolo seo. A re mapodise ba gatetse pele mo go diragatseng mangwe a matshego a tebelopele ya setshaba, a tlatsa ka gore sepodise se godile, fa go tshwantshanngwa le bogologolo. Le fa go ntse jalo, Kgosi Thwane o ne a supa matshwenyego ka mapodise a a mo makgotleng a Setswana, a kaya fa ba beilwe ka fa mosing fa go tla mo kgannyeng ya tlhatloso maemo. A re mapodise a mo makgotleng a Setswana ba dira tiro ka bokgabane, a tlatsa ka gore le borukutlhi bo ile kwa tlase mo kgaolong ka ntlha ya bone mme o ne a kopa bagolwane go sekaseka kgang eo. E ne ya re fa a ba sebalamakgolo seo, mogolwane wa mapodise a kgaolo ya Borwa Legare, assistant commisioner divisional commander Foreman Baganetswe, o ne a re e le ba sepodise sa Botswana ba tlotla bogosi jwa lefatshe leno fela thata. O tlhalositse fa ba bone go le maleba go rekela ofisi ya ga kgosi sebalamakgolo, a kaya fa ditso tsa sepodise di supa fa sepodise se simolodisitswe ke bogosi, ke ka moo ba lekang go supa gore e le ruri ba tlotla bogosi. A re keletso ya bone ke go bona ofisi ya bogosi e bonala e bile e kgatlhisa, a tlatsa ka gore ofisi ya ga kgosi ke yone e e amogelang baeng dinako tsotlhe go sa kgathalesege gore motho ke wa maemo afe. Assistant commisioner Baganetswe o ne a tshwaela gape a re nako e tsile ya gore diofisi ka go farologana di fokotse go dirisa dipampiri thata, a supa fa sebalamakgolo se tlaa ba fokoletsa tiro. O tsweletse ka go kaya fa ba sa ntse ba le mo moonong wa ga Tautona wa go thusa fa puso e tlhaelang teng, e bile a gatelela fa e le maikaelelo a bone go tswelela ba thusa fa ba ka kgonang teng; jaaka ba tsweletse ka go agela matlo bangwe ba ba tlhokileng lesego mo mafelong mangwe a lefatshe leno. Rre Baganetswe a re ba ile ba tswa ka moono wa go ntsha madi mo dipateng tsa bone gore ba kgone go reka sebalamakgolo seo. A re sebalamakgolo seo se na le sengwe le sengwe se se tlhokegang gore se bo se ka dirisiwa. Fa a akgela mo kgannyeng ya tlhatloso maemo, o ne a tlhalosa fa ba leka fela thata, sebe sa phiri e le gore diphatlha ga di ke di nna dintsi ka nako ya tlhatloso maemo. Fa a tswa la gagwe mokwaledi mogolo wa makgotla a Setswana mo Kgatleng, Mme Maletswane Bakwena, o ne a supa fa mpho eo e le molemo fela thata, a kaya fa ba na le makgotla a Setswana a le masome a mabedi le bobedi mme a a nang le dibalamakgolo a le mane fela. A re tiro ya bone ke go sireletsa tshaba ya lefatshe leno, a supa fa jaanong le bone ba sa itebaganya le tiro ya bone fela mme o ne a ba kgothatsa go tswelela ba dira jalo. E ntse e le kwa letsatsing leo, assistant commisioner Baganetswe o ne a jwala setlhare mo kgotleng ya Artesia.Bokhutlo
politics
7
Bodiredi ja kgaolo ya Kweneng bo a itshekatsheka
Bodiredi ja kgaolo ya Kweneng, komiti e e lebaganeng le nyeletso lehuma le bana-le-bogole bo kopaneng mono Palapye go tla go itshekatsheka ka fa ba tlang ba gata ka teng mo dikgannyeng tsa nyeletso lehuma. Erile a buwa ka dikgang tsa nyeletso lehuma se eleng sone modi wa kgang, molaodi wa kgaolo ya kweneng Dr Themba Mmusi a re maikaelelo magolo ke go diragatsa thomo ya ofisi ya ga tautona ya go bona gore Motswana mongwe le mongwe yo o lebanweng ke lenaneo la nyeletso lehuma o le bona ka tolamo. O ne a re fela jaaka tautona wa lefatshe leno a semeletse godirela Batswana, a e re mo maitekong ao a gagwe a a supegileng a na le tema, Kweneng e nne nngwe ya dikgaolo tse di tlaa mo jang boswa ka go direla Batswana ka natla, tlotlo le lerato. Dr Mmusi o ne a re ga go thona go bona Kweneng e dira bontle ka fa a bonang bodiredi ja kgaolo bo gata ka teng bo le seopo sengwe ka maikaelelo a le mangwe a go thusa tshaba ya lefatshe leno le go ikinola mo lehumeng. Mongwe wa barulaganyi ba bokopano joo, molomaganyi wa lenaneo la nyeletso lehuma kwa Kweneng, Rre Gaotlhobogwe Kwelagobe, o tlhalositse fa lenaneo leo le abetswe P15 million go dirisiwa mo dikgaolong tsa bopalamente di ferabobedi tse di kgaogantsweng ka dikgaolo-potlana di le tharo. Rre Kwelagobe a re mo kgaolong yotlhe ba kgonne go phutha batho ba le 23 000, ba mo go bone e neng ya re fa go dirwa ditshekatsheko ga feta ba le 12 000, e le bone ba supileng fa ba tshwanelwa ke go tsenngwa mo lenaneong la nyeletso lehuma, e bile ba thokana le kemo nokeng ya bodiredi, e ka nna ka thutuntsho kana ka go ikopela mananeo. Erile fa a rarabolola dikgang tsa lenaneo, a bolela fa go sa ntse go le gontsi mo go tshwanetseng go dirwa, ka go lemosegile mo palong eo yotlhe ya ba ba ba sekasikilweng ya ba ba 12 000, go thusitswe ditiro di le 2070, fa di le 1804 di sa tlhole di dira, mme tse 308 tsone di ne tsa seka tsa kgona go feta ka nako ya fa di tlhotlhiwa. Mo ditirong tseo, di le 11 ga di sa tlhole di dira di phutlhame, fa di le 39 e le tsone di tsweletseng sentle e bile di sa ntse di itshetletse. Seo se supa fa go sa ntse go na le melala e e tlhokang go emelwa ka dinao gore lenaneo le goroge kwa bathong. A re kgang e e tlhoka gore bomme le borre ba eme ka dinao go bona gore mathata ao ba a lwantsha jang. Kgang kgolo e ne ya remelela mo tsamaisong le mo go kgobokanyeng tsotlhe tse di ka dirang gore lenaneo le tsamaye ka thelelo le tsone didirisiwa tse di tlhokegang go ka dira tiro eo ka botswelerere, bonatla le botlhaga. Batsayakarolo mo dithutong tseo ba ne ba supa bothata ja go tlhaelelwa ke didirisiwa jaaka dipalamo, letlhoko la metsi a a nosetsang masingwana a merogo, go sa nne bontlha bongwe ja lenaneo ga bao ba ba le abetsweng, mme ba re go tlhokega gore ba tswe ka maano a a botoka a a ka ba kgontshang go fitlhelela maikaelelo a lenaneo le go le diragatsa. Ba ne ba re gongwe nako e tsile ya gore go dirwe thutuntsho ya tshedimoso, pele go ka dirwa e e tseneletseng ya tsamaiso ya lenaneo, ba re gone foo ke gone go le gansti batho ba supa tota fa ba tlhwaafetse, le bao ba ba neng ba sa tlhwaafala ba simolola go ikgogela morago. Ba re gore lenaneo le bo le sa tswelele jaana, ke gone gore bangwe ba tsaya lenaneo fela ka gore le teng ba sa gwetlhiwe ke sepe gore ba le tseye, ke sone se o tlaa fitlhelang ba re lenaneo ke la ba boipelego, ba re ke gone go digang bontsi ja dikgwebo. Bokopano jo bo ya go tsaya malatsi a le mararo go tswa ka tharabololo ya se se ka dirwang go tokafatsa go abiwa le go tsamaisiwa ga ditirelo tsa lenaneo la nyeletso lehuma le mo nakong eno le tladitsweng ka la banalebogole. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Ba batla go nna bommampudi
Setlhopha sa Mahalapye Cultural Art se se thamilweng ngogola se boletse fa maikaelelo a bone ele go gapa sekgele mo mminong wa phathisi kwa dikgaisanong tsa ga tautona tse di tla tshwarelwang kwa Gaborone ka kgwedi ya Phukwi. Moananisa mafoko wa setlhopha seo, Rre Diane Mosogo a re ere ka ba kgonne go gapa sekgele sa ntlha mo dikgaisanong tsa kgaolo ya Legare, tse di neng di tshwaretswe kwa Francistown kgwedi e fetileng, o solofela fa ba tla tswelela ka go dira bontle jo bo kalo mme ba gape sekgele seo. Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la Bopa, Rre Mosogo o boletse fa setlhopha seo sene sa gapa sekgele sa ntlha ngogola mo dikgaisanong tsa kgaolo ya botlhophi ya Mahalapye Bophirima tsa boipuso. A re le fa setlhopha sa Mahalapye Cultural Art sele magorogo masa mo mminong wa phathisi, o itumidisiwa ke gore banana ba eleng maloko mo setlhopheng seo ba tshwere ka natla go itlhokoletsa dikgaisano tsa malatsi aga tautona e bile a bolela fa go rena kagiso fa gare ga bone le baeteledipele ba setlhopha. O boletse gape gore fa mokgatlho wa bone o ka atlega kwa dikgaisanong tseo, ba ikaelela go dira sengwe se se ka thusang setlhopha sa bone go gola. Mo nako ya gompieno setlhopha seo se sa ntse se ikatisetsa mo kgotleng ya Konyana gone mo Mahalapye. BOKHUTLO
arts_culture_entertainment_and_media
0
Leruo le le sailang le tlaa gapiwa
Leruo le le sailing mo motseng kwa Palapye le tla gapiwa ka fa molaong. Fa a buisa banni ba kgotla ya Thomadithotse mo Palapye bosheng, Mme Boitlhamako Motlhokakgotla wa lephata la badiragatsi ba melawana ya khansele, o tlhalositse fa molao wa taolo ya leruo wa 2006 o tlhalosa fa dikgomo tse di sasankegang mo motseng di tshwanelwa ke go gapiwa. A re kgomo fa e gapilwe e tlhatlhelwa malatsi a le supa morago ga one e be e isiwa kwa matimeleng, mme morago ga dikgwedi tse thataro e rekesiwe fa mong wa yone a sa tle go e golola. A re kgomo e duelwa dipula tse di lesome tsatsi le letsatsi, fa e gapilwe mme tse dingwe jaaka dikoko ele dipula tse pedi. Mme Motlhokakgotla a re dintsa di bewe mo malwapeng a re ntsa ga ya tshwanela go bonwa e sasankega mo motseng. A re ntsa ya go nna jalo e kgona go gapiwa ke khansele mme fa go sena ope yo o tlang go supa fa ele ya gagwe e a bolawa morago ga malatsi a supa. O ne a tlhalosetsa morafe fa ntsa e tshwanetse go direlwa teseletso fa ele dikgwedi tse thataro. Fa a itebaganya le modumo Mme Motlhokakgotla o tlhalositse fa lephata la gagwe le sa abe teseletso ya mediro e tshwana manyalo le mekete. A re e le baagisanye ba tshwanetse go dirisanya sentle e re ka nako ya lesome le bobedi phakela modumo o bo o fokotsegile fela thata kana o eme gotlhelele. Rre Fredrick Sefikedi go tswa ko lephateng la dipasa tsa mesepele o ne a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke palo tse di ko tlase tsa batho ba ba ikopelang dipasa tsa mosepele. O ne a tlhalosa fa go dira pasa go tlhokana le setlankana sa matsalo fa dingwaga tsa ngwana di le kwa tlase ga lesome le borataro, setlankana sa lenyalo fa mme a nyetswe kana setlankana sa boagedi. O gakolotse morafe go emisa go thapa batswaka ba ba senang diteseletso ka go dira jalo e le molato A re mohiri wa go nna jalo le mohiriwa ba ka lebisiwa molato mme ba lefisiwe madi a kana ka P4000 kana dingwaga tse nne mo kgolegelong. O rotloeditse morafe go itsese ka ditiragalo tsa go nna jalo ka go romela molaetsa mo nomorong ya mogala ya 71834701. Banni ba ile ba lebogela go tsibosiwa ka melao e. BOKHUTLO
politics
7
Bangwato ba lebogela pula
E ne ya yare ka Tshipi, Tlhakole a tlhola masome mabedi le boraro morafe wa Bangwato wa bo o phuthaganetse kwa kgotleng kgolo ya Bangwato, kwa Serowe, le dikereke ka go farologana go lebogela pula. E rile a bua kwa moletlong oo, motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane, a leboga morafe wa gagwe go bo o ne wa utlwa mokgosi wa gore ba tshwanetse ba lebogela pula le mabutswapele a ditso tsa bone. Kgosi Kgamane o ne a tlhalosa gore o ne a kopana le makgotla a baruti ba dikereke go buisana ka go lebogela dipula tse di sa tswang go na le mabutswapele; ke ka moo letsatsi leo le neng la bewa. O ne a tlhalosa gape fa e rile ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Lwetse, tautona wa lefatshe a buisa diphuthego, a kopa setshaba sa Botswana go rapelela pula mme e re e sena go na ba leboge. O boletse fa ka dithapelo tsa Batswana pula e ne ya na mme e bile e sa ntse e tsile go na; ke ka moo ba tshwanetseng go leboga Modimo gore dithapelo tsa bone di arabesegile. Kgosi o ne a kopa Batswana le Bangwato ka kakaretso gore ba tswelele ka go rapelela pula, gore dijwalo tse di sa ntseng di le kwa masimo di gole mme ba bone thobo e e namagadi. Kgosi Kgamane o ne a kopa dikgosana, ka ele bone ba leng gaufi le barui, go ba kopa gore ba tlhokomele diruiwa tsa bone gore balemi ba tle ba bone thobo. A re gantsi temo e senngwa ke diruiwa, mme a ba kopa gore ba tlhatlhele dikgomo tsa bone gore di seka tsa senyetsa ba bangwe. O ne a kgothatsa balemi gore le bone ka temo ya mono ngwaga e lebega e ka tswa sengwe, ba tlhagolele masimo a bone gore thobo e nne e ntsi. A re dipego di supa fa temo ele ntsi mme mohero le one o le montsi, a bua jalo a ba rotloetsa gore ba tlhagolele dijwalo tsa bone. O ne a leboga go menagane bomme ba Bangwato go bo ba sa ntse ba tshwere ngwao ya go lebogela mabutswapele, a tlatsa ka gore bogologolo mo ngwaong ya Sengwato go ne go lebogelwa mabutswapele mme ngwao e e ntse e lebalesegile. A re mo go supa lerato le go tlotla ngwao ya bone, a supa gore go simologa ngwaga o, le dingwaga tse di tlang ba tsile go tshegetsa ngwao e gore e seka ya tlhole e lebalesega. BOKHUTLO
religion_and_belief
8
Go bonwe marapo a motho
Mapodisi a Letlhakeng ba re ba bonye marapo le diaparo tse ba belaelang e le tsa monna yo ba neng ba mmatla kwa dipolaseng tsa Magagarape. E rile a lekodisa BOPA, mogolwane wa mapodisi a Letlhakeng, Superintendent Daniel Katse a supa fa ba belaela fa rre yoo a bolailwe ke serame ka a ne a le bokoa mo mmeleng. Superintedent Katse o supile fa ba santse ba emetse go isa marapo ao kwa batlhatlhobing. O supile gape fa a leboga morafe wa Ditshegwane thata, ka ba ne ba na le bone ka dinako tsotlhe fa ba batla rre yoo, go fitlhela ba bona marapo ao. Mo go tse dingwe Superintendent Katse o supile fa ditshupo tsa kgaolo ya Letlhakeng di tsamaile sentle, a bo a supa fa go sa nna le sepe se se maswe kwa go tsone. Le fa go ntse jalo, Supt Katse o supile fa a tshwenngwa ke boitshwaro jwa banana ba motse oo, a supa fa go lebega ba sa itse mosola wa ditshupo. O supile fa banana ba Letlhakeng ba anwa bojalwa phetelela ka nako ya ditshupo, mme ba di tlogele di ntse di tsenye. Supt Katse o supile fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano wa kgotla ya Shageng kwa Letlhakeng, a fitlhetsweng a rapaletse fa thoko ga tsela a tlhokafetse ka Matlhatso, Phukwi a le masome mabedi le borobabongwe. O supile fa go belaesega fa moswi a tlhabilwe ka sengwe se se bogale mo molaleng, mme ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome mabedi le boraro wa Khudumelapye go ba thusa ka ditlhotlhomiso. Supt Katse a re serepa se kwa setsidifatsing sa ga Pule, fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse. Supt Katse o supile fa ba tshwenngwa ke banana ba ba nwang bojalwa phetelela kwa Letlhakeng, a supa fa bomme ba anwa bojalwa go feta borre, a bo a supa gape fa bangwe ba tlogela bana ba bannye ba ya majalweng. O supile gape fa boitshwaro jwa batho kwa dibareng bo ketefaletsa beng ba dibara go tswala madirelo, a bo a tlhalosa fa ka dinako dingwe ba kgona go nna kwa ntle ga madirelo fa a tswetswe ba bo ba letsa dikoloi. O tlhalositse fa ka dinako tse dingwe ba kgona go kolopa dikoloi tsa mapodisi ka matlapa fa ba leka go ya go thusa go tswala dibara. Le fa go ntse jalo, Supt Katse o supile fa ba tlaa gagamaletsa beng ba dibara molao le ba ba lekang go ba kgoreletsa go dira tiro ya bone. BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
Ba Monarch ba baakanyetsa boipuso
Ba kgaolo ya Monarch kwa Francistown ba semeletse go baakanyetsa boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano le bobedi, jo bo setseng ka beke tse pedi gore bo ketekwe. Modulasetilo wa komiti ya dithabololo tsa kgaolo ya Monarch, Mme Chiko Mogotsi o boleletse A re keletso ya bone ke gore go jewe go nowe mo letsatsing le go supa boitumelo. Mme Mogotsi a re ba ikaelela gore go nne le metshameko ya Setswana jaaka mhele, koi, morababraba le e mengwe go rotloetsa ngwao ya Setswana, a re ba tlaa laletsa bagodi le mekgatlho e e rotloetsang ngwao go tla go ruta ka ngwao. A re go tlaa bo go supiwa kapari ya setso ya dingwao ka go farologana ka banni ba Monarch e le merafe e e farologaneng ga mmogo le didirisiwa tsa setso jaaka megori, dinkgo le digo. Mme Mogotsi o tlhalositse fa dikhwaere di tlaa iteisana borathana mo letsatsing leo, mme go tlaa nna gape le maitiso a mmino wa Setswana. A re poko le yone e tlaa nna teng mme go tlaa letlelelwa baphadisani go tswa kwa dikgotleng tse dingwe ka go twe dilo makwati. O tlhalositse fa ba ba nang le keletso ya go tsaya karolo, ba ka ikwadisa ka lemmenyana le e seng la sepe go thusa komiti go tsamaisa letsatsi. Mme Mogotsi o tlhalositse fa go keteka boipuso kwa kgotleng ngwaga le ngwaga go ntsha banni bodutu, go ba bopaganya gape go ntsha banana kwa maitisong kwa ba ka dirang tse di maswe teng.
arts_culture_entertainment_and_media
0
Mopalamente o kopa Batswana go tshwaraganela ditlhabololo
Mopalamente wa Mahalapye Bophirima Rre Joseph Molefhe, o akgoletse Batswana ba diphathi tse di farologaneng tsa sepolotiki go itshwara ka maitseo a siamaneg le go tlhopha ka dipalo tse dintsi mo ditlhophong tsa Setshaba tse di neng di tshwerwe ka kgwedi ya Phalane ngogola. Rre Molefhe yo o tsweletseng le go buisa diphuthego tsa kgotla mo kgaolong ya gagwe, o tlhalositse fa Batswana ba dirisitse tshwanelo ya bone ya go itlhophela mapalamente le makhanselara a nang le boleng ja go emela dikeletso tsa bone kwa diphuthegong tsa palamnete le dikhansele, e bile a bolela fa se Batswana ba se dirileng mo ditlhophong tse di fetileng se supile tsamaiso ya puso ya batho ka batho e meletswang mathe ke mafatshe a mangwe segolo jang a mo Borwa jwa Aferika. A re e re ka ditlhopho di fetile go mo maruding a Batswana go tshwaraganela go tsamaisa ditlhabololo tsa lefatshe la Botswana mmogo. Rre Molefhe o tsweletse ka go tlhalosetsa banni ba kgotla ya Herero fa mmuso o seegetse fa tlhoko mogopolo o neng wa bewa Palamente pele wa gore diteme tsa batho ba lefatshe leno di dirisiwe mo seromamoweng sa Botswana le kgang e neng e batla go itse gore ke ka goreng bolwetse jwa tlhako le molomo bo tsweletse ka go jwelelela le mororo bo kentelwa ngwaga le ngwaga ke lephata la Mathoko a leruo. A re e le Mopalamente wa kgaolo, makhanselara, dikgosi le baeteledipele ba maphata jaaka molaodi le mokwaledi wa Khansele ba tlaa tshwanelwa ke go thulanya ditlhogo go buisana ka seemo sa ditsela tsa Mahalapye, phatlalatso ya metsi mo dikgotlaneng tsa Mowana, Parwe, Ngakaagae, Madiba le Flowertown gammogo le go tsenngwa ga motlakase mo ditseleng tsa mekgwathe. E rile banni ba Herero ba akgela mo phuthegong eo ba ngongorega ka badiri ba lephata la boipelego ba go bolelwang ba gana go amogela maina a batlhoki ba ba supilweng ke maloko a komiti ya ditlhabololo le mororo batho bao go sena se ba itshetsang ka sone. BOKHUTLO
politics
7
Metlhala ya khumo e mentsi
Mothusa tona wa peeletso, papadi le madirelo, Rre Biggie Butale a re lephata la gagwe le simolodisitse lenaneo la Operation Metlhala ya Khumo go rotloetsa Batswana go itirela dikgwebo. Rre Butale o buile jaana ka letsatsi la go rekisa moono oo kwa Masunga ka Labotlhano. A re ka lenaneo leo maphata otlhe a a fa tlase ga lephata leo le a a ekemetseng a tshwaragane go fa ditirelo tse di rotloetsang kgwebo, ka ba kgobokana mo lefelong le le lengwe, ba rute batho ka ditirelo tsa bone le methale e ba ka e dirisang go ipetlela isago. A re gape maikaelelo a lenaneo leo la metlhala ya khumo le gwetlha Batswana go tsena mo dikgwebong le go godisa bagwebi. O supile fa bontsi jwa dikgwebo tsa Batswana di dira dithoto tsa selekanyo sa bosupa mo lekgolong, fa bontlha bongwe e le jwa dithoto tse di rekwang kwa mafatsheng a sele, selo se a kaileng se santse se kokonela mmaraka wa lefatshe leno, ka lefatshe le latlhegelwa ke diketekete tsa madi ka go reka dithoto kwa ntle. Rre Butale o tbolela fa metlhala ya khumo e le mentsi mme e tlhoka balatedi, a gatelela ka gore mo Bokone Botlhaba go na le metswedi e mentsi ya khumo e batho ba ka e dirisang go tlhabolola matshelo a bone, le gone go direla Batswana ba bangwe ditiro. A re go letamo la Ntimbale le le ka dirisiwang go ngoka bajanala, lefelo la Domboshaba le mafelo a mangwe a le one a ka dirisiwang go tlhama ditiro, mme ka madi ao ba kgone go tlhabolola matshelo a bone le go tsenya madi mo letloleng la lefatshe. O ne a bolela fa makalana a tshwana la LEA, CEDA le a mangwe a ka ba sedimosetsa ka fa ba ka dirang dikgwebo tsa bone ka teng. A re LEA e ka ba thusa gore ba bone mmaraka, gape le go ba ruta ka fa ba ka tsamaisang kgwebo le go tsamaisa dibuka tsa kgwebo. Gape o ne a ba kopa go inaakanya le ba lekalana la dikoporase go utlwa ka ditirelo tse ba nang natso, a supa fa go na le lenaneo la kadimiso ya madi la SACCOS le le fa tlase ga dikoporase, a re lenaneo leo le dira sentle ba ka le itirela mo Masunga. Maphata ka go farologana go balelwa lephata la baji-bareki, CEDA, LEA, SPEDU le la Competition Authority a ne a nna le nako ya go rekisetsa batho ditirelo tsa one. Fa a amogela baeng, Kgosi Thabo Monaga o ne a leboga lephata leo go bo le bone go tshwanela go dira tiro ya mothale oo. BOPA
economy_business_and_finance
3
Tlhaelo ya dikoloi le bodiredi e a tshwenya
Makhanselara a Kgalagadi a ngongorega ka tlhaelo ya dikoloi le bodiredi mo kgaolong ya bone. Ba buile se bosheng mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng ya malatsi a le mararo. Bontsi jwa makhanselara a nea supa fa tlhaelo ya dikoloi mo maphateng a puso bogolo jang mo lephateng lamakgotla a Setswana le tlhaelo ya bodiredi di na le seabe se se ntsi mo gontsheng maduo a a itumedisang mo tirong ya puso mo kgaolong eo. Ba kaile fa tlhaelo eo yadikoloi e ama thata le go diga seriti sa dikgosi ka ba felela nako nngwe batsewa ka koloi e le nngwe e e bulegile go ya diphuthegong kwa motseng mogolo waTsabong. Makhanselara a ne gape a supafa go nna nako e telele go sa thibiwe diphatlha tsa maemo a a kwa godimo abodiredi mo maphateng a a farologaneng, mme go dirisiwe bangwe go tshwareleladiphatlha tseo ba ba supileng fa ba dira ditiro tseo ka manontlhotlho boemongjwa gore ba tlhatlosiwe maemo. Fa a baa pele pego ya gagwemodulasetilo wa khansele ya Kgalagadi Rre Justice Nkwane o ne a re khansele eoe neetswe madi a a kanang ka P81 799, 735 mo sephatlong sa ntlha le sa bobedimo ngwageng wa madi wa 2015/2016 go a dirisa mo go tlhabololeng kgaolo eo. Rre Nkwane o ne a gwetlhamakhanselara a kgaolo eo go ema ka dinao ka go tshwaragana ba bereka mmogo kase se ka thusa thata mo go tlhabololeng kgaolo eo le go isa Botswana pele. Monnasetilo wa khansele yaKgalagadi o ne a tlhalosa mo pegong ya gagwe fa a ne a tsaya loeto go lekolakgaolo ya Kgalagdi bokone go utlwa ka mathata a a tshwenyang mo kgaolong eomabapi le mananeo le ditlamelo tsedi amang setshaba mo go tsa botsogo, tsa thuto ba-na-le bogole le tse dingwe. Are o itumedisiwa ke gore mananeo a nyeletso lehuma a tsweletse ka go sologelabangwe molemo ka 50% ya kapari ya bana ba sekole ba e neelwa ke bangwe banni ba Rre Nkwane o ne a kaya fa lefa go ntse jalo a sa itumedisiwe ke makhanselara mangwe a a sa buisengdiphuthego tsa kgotla morago ga go tsena diphuthego tsa khansele a kaya fa seose swabisa thata ka e le bone baeteledipele le barongwa ba setshaba mme go lebotlhokwa gore ba ba tlhalosetse ka se se diragalang mo khanseleng mabapi le O ne a kaya fa gape go santse go na le dikgang tse di tshwenyang thata mo kgaolong eo di akaretsa tsatlhakanelo dikobo ya dingwaga tse di kwa tlase tsa bana, go thujwa ga matlo lethubetso. A kaya fa go na le batsadi bangwe ba ba lobang dikgang tseo mme seose thatafaletse mapodisi le ba boipelego mo go atlegeng ga dikgang tseo le gone Fa a ama tsa mananeo a nyeletso lehuma o kaile fa atsweletse ka go dira sentle mo kgaolong eo a kaya fa dikgwebo tse di berekangdi tsholetsegile go tswa mo go 590 go ya kwa go 709 di akaretsa tsa temo-thuo,tsatemo ya dijwalo, tsa boipelego, tsa lephata la bong le tsa temo ya ditlhare. Mo pegong ya gagwemodulasetilo o ne a supa fa ka tshwaragano ya morafe le dikomiti tsa twantshoborukutlhi le mapodise borukutlli le bogodu jwa diphologolo ka go ela seemo Mongwe wa makhaselara RreRonalad Baitsiwe wa Omaweneno Maralaleng le Kisa , o ne a supa fa a le sebetese molangwana ka mafoko a modulasetilo a gore borukutlhi bo ile tlase a kayaseo fa e se boammaaruri ka dirukutlhi di sa ntse di tsweletse ka go senyabosigo le motshegare ba kaya fa ba batla go utlwa dipalo tsa gore di Rre Baitsiwe o ne a supa famo pegong ya monnasetilo go sa buiwa sepe ka thuto a kaya fa e le konokono ka ele yone e ka nnang le bokamoso le go isa lefatshe leno pele. BOKHUTLO
society
9
Ba kgotlhaditswe go tsays boikarabelo ka botsogo
Baithuti le babereki ba sekole sa ithutelo ditiro tsa diatla sa Boteti Brigade ba kgothaditswe go tsaya boikarabelo jwa botshelo le botsogo jwa bone. Kgothatso e e dirilwe ke morutabana wa sekole se segolwane sa Orapa, Rre Brets Motlogelwa, kwa moletlong wa botsogo wa sekole seo bosheng. A re go tlhoka go ja sentle le tlhaloganyo ee sa iketlang ke dingwe tsa dilo tse di rotloetsang malwetse aa a sa alafesegeng jaaka madi a matona, sukiri le a mangwe. Rre Motlogelwa a re boitshwaro, boleng le mekgwa ya batho le ka fa ba tshelang ka teng gompieno ke tsone di tsayang karolo ya go betla botsogo. A re go tlhoka go ja sentle le go bereka, go ka gogela gore rbatho ba nne le mmele o motona, atla tsa ka gore malwetse a mangwe jaaka tlhogo ee opetseng ruri ditlhabi tsa mokwatla le bolwetse jwa pelo fa gongwe di bakiwa ke maikutlo aa kwa tlase a a sa tsewa tsie. Rre Motlogelwa o ne gape a ba rotloetsa go tshelela mo selekanyo sa bone, ba seka ba tshwantshanya matshelo a bone le a ba bangwe atla tsa ka gore ba senke bokgoni jwa bone ,a re motho fa dira sengwe a bo a sekgona go mo fa boitumelo. O ne gape a ba rotloetsa go bala ,go reetsa,go batlisisa a re go fa motho nonofo le kitso.o bile a ba kgotlhatsa go tsamaya le batho ba ba nang le boleng ,a re motho o kalwa ka batho ba a tsamayang le bone. O tsweletse ka go ba gakolola gore ba ithute ka diphoso tsa bone ,a re motho ga ana taolo mo tse di mo diragaletseng tse di fitileng .A re ba bope bokamoso jwa bone a tlatsa ka gore ba ka kgona fela fa ba tlhwaafalela thuto ya bone. Mongwe wa baruta balekane ba Moepo wa Orapa Rre Babatshi Tjikwakwa o ne a ba tlhalosetsa fa puisano e le botlhokwa fagare ga batho ba ba tshelang mmogo jaaka batsadi le bana ,banyalani le baratani. A re le fa batho ba itse ka puisano ga ba tlhaloganye gore tota e e siameng ke e e ntseng jang a tlatsa ka gore puisano e tshwanetse gona le boamaaruri,go buleganelana ,go tshepana batsadi ba buisana le bana ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo,baratani le banyalani ba tshwanetse go buisa gore batle ba dire dilo ka nako ee siameng. Rre Tjikwakwa a re go tlhoka go buisa ke gone go bakang malwetse a tlhaloganyo ee sa iketlang , mogare le bolwetse jwa HIV/AIDS, dintwa, ditlhalano. E rile a fa malebo kgosi ya kgotla ya Metsiaela Rre Alfred Petelelo a re o solofela gore dithuto tse di tla aga mo go bone ba bo ba didirisa go fetola batshelo a bone . O ne a ba rotloetsa go siela kwa modimong a re ke e ne tlharabololo ya mathata. Kgosi Petelelo a re go mo maruding a bone go itlhokomela gore ba ne basha ka nako tsotlhe. A re go nna le bakapelo ba bantsi go ile magoletsa mo go dirang gore maiteko a dithuto tse a seka a na le mosola . Modiri wa tebelopele Rre Sana Tshireletso o ne a ba rotloetsa go tlhatlhobela morage wa HIV a re go tlhokwa go itse seemo gore o tlhe o fiwe kalafi nako e santse ele teng . Rre tshireletso o supile fa ba rotloetsa batho go itlhatlhoba le bakapelo ba bone le go ba gakolola go ririsa dikausu ka nakotsotlhe.Borre ba ne ba rotloediwa go tsenelela lenaneo la loaro le le babalesegileng la go kgaola letlalo la bonna.
health
6
Olopeng o batla go isa lephata kwa pele
Tona wa le lephata la Banana, Metshameko le Ngwato, Rre Thapelo Olopeng o mo thulaganyong ya go godisa lephata la gagwe ka go kopa tona ya ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso go simolodisa lenaneo la itloso bodutu la tsa banana (Youth Entertainment Channel) mo Botswana Television. O buile seo mo letsatsing le le neng le buletswe setshaba le banana gotla go ithuta, go anya le goitse gole gontsi ka lephata la gagwe le leneng le isitse ditlamelo ka bothong mono Palapye, morago ga bokopano ja beke jo boneng boitebagantse le go buisana kafa mananeo a banana aka tokafadiwang ka teng gore ba a kgatlhegele. Tona yo gape e leng mopalamente wa Tonota, Rre Olopeng a re fa seo seka kgonega seka thusa banana go lemoga bokgoni jo banang le jone le goitlhaloganya, ka seo seka bafa boikarabelo ja ithekisa le go ntshetsa dikitso tse banang le tsone mompepeneneng. Rre Olopeng one a a ma dintlha dile mmalwa tse dilebanyeng lephata la gagwe a supa fa maikaelelo ele go tlhabolola,gobopa le go aga monana yo ele mmusi wa lefatshe leno wa gampieno, are o lemoga sentle bothata jo banana ba lebaganyeng le jone ja letlhoko la ditiro, mme fela ene le bodiredi ja lephata la gagwe baikiteile ka thopana godira gotlhe mob aka gokgonang go lwantsheng seemo seo ka gontsha banana mo mekgwatlhang le mo lehumeng. Tona one are mananeo a banang le one mo nakong eno ba a tsentse leitlho le tsone difomo go bona gore a banana ba a ditlhaloganya le gore a ka basolegela molemo jang. One are metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati, a kgotlhatsa banana go dirisa mananeo a a teng goitshetsa. Rre Olopeng one are maikaelelo a mangwe a lephata ke go tsena motse le motse go utlwa banana gore ba batla mananeo a a tokafadiwa jang gore ba a kgatlhegele, mme a a kgala bao ba baneng ba bona sebaka sa go tsaya mananeo are bangwe ba a phuagantse fela mo tseleng a sa wela, le ntswa godirisitswe madi a mansti go a simolodisa, bangwe go goitsiwe le kwa baleng teng ka madi a puso. Oile a supa fa lephata la gagwe le tshwaraganetse go tlhabolola banana le makalana a mangwe jaaka ba LEA le CEDA, are bafile makalana ao gotla ka ditsele tse banana baka thusiwang botoka ka tsone gore mananeo a basologela molemo le gore baa rate. Fa a itebaganya le tsa metshemako one are metshameko ya gampieno ke e e ka tlisang dijo mo lapeng, jaanong banana batshwanelwe ke goetsaya ka tlhwafalo, abo are ke keletso ya gagwe go tokafatsa seemo gore banana batsene mo dikgaisanong le banana ba mafatshe fatshe. One are mafatshe a borwa ja Africa a tlhoka gotshwaraganela kgodiso le tlhabololo ya banana mo gotsa metshemeko, a lebeletse didirisiwa, are mafatshe a a setseng a a etetse a gatetse pele mo didirisiweng tsa metshameko mabala a bone le didirisiwa ke tsa maemo a a kwa godimo fela thata. Are mo dingwageng tse tlhano a santse a neetswe ofisi oya go bona gore tsa metshameko dinna teng mo metseng yotlhe a lebeletse (mini sports Complex) are seo seka thusa lephata la gagwe gobopa banana mo gotsa metshameko gotswa fela kwa moding. Oile gape a kopa banni ba Palapye, makhanselera,le mopalamente go nna seopo sengwe mo goruteng banana ngwao ya bone, are bontsi ba inakantse le dingwao tsa mafathe a sele ka batsaya seo mo marenyeneng a se gampieno. Oile a gwetlhe bodiredi ja lephata la gagwe go ema ka dinao go fa setshaba ditlamelo tsa maemo a a kwa godimo ka lerato,botho le boineelo mo tirong ya bone. Fa a a fa malebogo modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye , mokhnaselara wa Mogome Rre Lesedi Phuthego one are o lemogo sentle fa mohiri mogolo ebong puso a satlhole a kgona, ka jalo lephata le ke lone fela leka thusang goinola banana mo letlhokong la ditiro, mme a supa fa ale bete se molangwata ka bontsi ja banana basa thologela pitso e ka bokete. Modulasetilo one are mananeo a puso ke one fela aka inolang banana mo manokonokong a letlhoko la ditiro fa baatsaya ka tlhwafalo. One are mafatshe ale mantsi itsholelo ya bone e ikaegeile thata k a bo radikgwebo, mme are ga gopale sepe gore mananeo ao a banana a ba beye mo maemong a gore le bone batsoge ba laola itsholelo ya lefatshe leno ka dikgwebo tsa bone. One a itebaganya le banana are sebaka le nako ke tsone tse, le arameleng le santse le thabile, mme a felela a kopa lephata go dirisana le makhanselera go thusa mo go ageng banana, oile a leboga tona thata are e sale monana o ka siana that aka gatwe maoto a nong ke phofa Morago tona le bagolwane ba lephata la gagwe lefatshe leno lotlhe bane batsamaisiwa le metlaagana ya disupiwa go bona tse banana ba didirang, le gore makalana a a bopang lephata la gagwe a dira gole kae go bvalelwa le tsa metlobo ya ditsa lephata.
arts_culture_entertainment_and_media
0
Mmaraka le ipapatso konokono mo kgwebong
Go lemosegile fa dikgwebo tse dipotlana ele mokwatla wa itsholelo ya setshaba, ke gone ka mooo ba lekalana la Local Enterprise Authority (LEA) ba itlamileng ebile ba ikemiseditse go dira ka gotlhe go bona kgolo mo dikgwebong tse dipotlana. Se se builwe ke mookamela lekalana la LEA mo kgaolong ya legare, Mme Kgomotso Masunga, fa a tlhalosa ka maikemisetso le maikaelelo a letsatsi la ipapatso/mmaraka la bagwebi ba babotlana le le neng le tshwaretswe mo Palapye morago ga go lemoga fa mathata a magolo a dikgwebo tse di potlana ele mmaraka, are nako tse dingwe ba lemoga fa bangwebi ba sa ipapatse mo golekaneng. O ne a bua gape ka tse ba didirang gothusa mo dikgannyeng tseo, jaaka ene yare bosheng ba thulanya ditlhogo le bareki le barekisi b aba farologaneng ka maikaelelo a go kopanya puso le makalana a a ikemetseng ka nosi le bagwebi ba kgaolo le go buisana ka melawana ya theko le tse batshwanetse go disolofela mo bangwebing. Mme Masunga one are maikaelelo a letsatsi le kopananya makalana a theko le bareki,le gone go supa kgathego le thotowetso mo bangwebing ba mono gae. One a isa boikuelo mo bareking are a baseegele fa thoko bantlha bongwe goreka dithoto tsa mono gae, go godisa dikjgwebo tsa bagwebi b aba botlana. Re ikemiseditse go bona bagwebi batlhe ba kgaolo e, ba tsene mo kgwebong ebile bana le seabe se se tona sa go tlhama ditiro le gone go klabakanya itsholelo tota, are seo ele ba LEA baka sekgona fela fa tsaya karolo botlhe b aka tsenya letsogo gotshwaraganela le bone” kgetsi ya tsie, ka wa o esi osa ele” Mme Masunga one a tsaya sebaka go lalatse bagwebi go tla kwa diofising tsa bone gotla goithuta gole gontsi ka ditsamaiso tsa bone le goamogana maele ka tsa kgwebo, are ba buletse mongwebi mongwe le mongwe goka tla dithutuntshong tse difarologaneng, jaaka maitlamo a bone ele go tlhoma mongwebi kwa pele. Mo letsatsing leo bangwe ba bangwebi, Mme Batsetsi Kgamane wa moitseanape watsa botshwantshi le mealo (Architect ) a okemetse kgwebo ya alifestyle Architects PTY LTDmo Palapye le Rre Larona Maswikile yo eleng morui wa di Brahman gotswa kwa Rocky Greek Cattle Co, Tuli Block gape ele banana bane batlhalosa ka gonna bopelotelelel le boitshoko mo kgwebong. Mme Kgamane one a tlhalosa fa gosimolole kgwebo ele kgwetlho , mme a leboga that aba lekalana la LEA ka go mothusa go fitlhelela ditoro tsa gagwe basa mo felele pelo ka nako tsotlhe fa a tlhokan le thuso ya bone, a supa fa bontsi ja dithutontsho tse a ditamasileng a dikgonne k ago ituelele selekano sa 15% fa LEA yone ene e montshetsa 85%. O ile are kgwebo ke neelano e tshana le lebelo la relay ,are gobotlhokwa gore bagwebi ba lefatshe leno ba emane nokeng ka maikelelo a go tlhamela dikokomana tse ditlang ditiro go rola puso mokgweleo wa letlhoko la ditiro. Fa Rre Mazwikila ene ane are kgwebo ya thuo ya dikgomo gae kgwebo ya banana, ka a lemoga bone ba batla madi ka bofefo le go apara disutu, are kgwe ya thuto e tlgokana le lefatshe le madi go e simolodisa le gone godira dilo ka tolamo o se mo lebelong. O ne a supa fa ba dibanka bana nna le lethogo la go thusa gosimolodisa dikgwebo tsa mofuta o ka basena tshepho ya gore a ele ruri dikgomo ditlaa kgona go tshela le gone gore a ke kgwebo e e ka busang madi. Mme are gore motho a tswelele sdentle mo thuong o tlhokana le go nna le leruo la boleng jo bo kwa godimo,m ja seemo se sekwa godimo go kgotsofatsa bareki ba gagwe are ke one maikemisetso a bone kwa Tuli Block. O ne are mo kgwebong ya thuo ba dira ka natla le botswerere, le gone gore o itebaganye le tiro e o ka e kgonang ka nako ele ngwe, le goreetsa se bareki ba sethokang mo gowena ka nako tsotlhe goka tlhabolola kgwebo ya thuo. E ne erile gole pele mothusa kgosi wa Palapye Rre Michael Maforaga a supa fa motse o ole lesego fela that aka gotlisa letsatsi le letshwanang le le leyang gofa bagwebi sebaka sa goipapatsa le goitse se se tlhokwang mo kgwebong. A re bana le keletso ya gore nako engwe dikopo tsa bone ditlaa arabiwa tsa gore Palapye e nne toropo ya boraro ya lefatshe leno, mme arotowetysa banana go innakanya le ba LEA go bathusa mo dikgwebong fela jaaka bantse ba rotowediwa go reka Botswana le gone go rotowetsa dikgwebo tsa mono gae. Fa a leboga Mokhanselera wa kgaolo Rre Jordan Makhura one are tiro ya mofuta o e tlhoka bana le seabe botlhe mo mhameng wa dikgwebo gotla gotlhalosa ka botlalo ka tse dithokwang mo bangwebing. Mme a supa fa a tshwengwa ke gore gona le dikgang tsa gore gorekwe mo batswaneng, are ga go diragale jalo k aba lwela dikgwebo tseo le bora dikgwebo tse e seng tsa Batswana ka pgadisano ya ditlhwatlhwa. One are Debswana e dira gotla ka diatla go rutuntsha dikgwebo tsa Batswana, are seo se thoka gore ba se a kgolelwe. Mme one a kopa gore a ba lekalana la phadisano ba ne ba lalediwa gotla go tlhalosa ka tse ba didirang (Competitive Authority). Bontsi ja bangwebi bane batsene letsatsi le ka bontsi gotla go supa tse ba didirang, gotswa mo dikgaolong tse difarologaneng tsa kgaolo ya legare.
economy_business_and_finance
3
Banana ba itlhotlhora lehuma
Fa ba lemoga gore ba faraferwe ke dikgwetlho ka ntlha ya letlhoko la ditiro, borre Kenny Semang le Tefo Thipane ba ne ba inaakanya le go itirela ka diatla. Rre Semang yo o dingwaga tse 34 go tswa kwa Mabule le Rre Thipane yo o dingwaga di 20 wa Kanye ba ne ba ikopanya ngwaga o simologa go lwantsha letlhoko la ditiro le le ba apereng. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA Rre Semang o tlhalositse fa go itirela ka diatla go tsisa pharologanyo mo matshelong a bone e bile go ba fapha mo ditirong tse di sa siamang tse di amanngwang le letlhoko la ditiro jaaka botlhokatsebe le tiriso botlhaswa ya dino le diritibatsi. A re dipoelo tsa kgwebo ya bone di a nametsa e bile go na le pharologanyo mo matshelong a bone. “Tiro ya diatla e botlhokwa, motho o ka inosa metsi fa a ka e tsaya tsia, ga go tshwane le fa motho a ntse ka mabogo,” a latlhela. Rre Semang o tlhalositse fa ba simololetse kgwebo ya bone ka go ipolokela tse a neng a di ipeela a santse a bereka tiro ya nakwana. A re ba tlhotlheleditswe ke go bona botshelo bo thatafalela pele mme ba na le diatla tsa go ka iphataphatela. O tlhalositse fa ba dirisa dipolanka tse di latlhwang kwa mabentleleng a tsa kago, dimente, pente ga mmogo le diterata. O supile fa ba bapatsa kgwebo ya bone ka go ipolelela batho, le ka go rekisetsa mo lefelong le go fetang batho ba bantsi teng ebile ba eletsa go ka e bapatsa mo maranyaneng a facebook. Rre Semang o kaile fa letlhoko la madi go ka reka didirisiwa tse di maleba le letlhoko la lefelo e le mmaba mo kgwebong ya bone, a tlhalosa fa ba eletsa go ka akola mananeo a puso gore ba atolose kgwebo ya bone. A re ba tlaa dira sengwe le senngwe se se tlhokegang go ka fitlhelela toro ya bone ka ba na le tsholofelo e e nitameng ya go ka godisa madirelo. “Re kopa thotloetso le kemo nokeng mo Batswaneng ka kakaretso gore re ikinole mo manokonokong a letlhoko, re ka kgona fela fa ba ka re ema nokeng,”a latlhela.BOPA
economy_business_and_finance
3
Bagodi ba lebogela ditlamelo
Bagodi ba Mosweu, Mokokwana le Seolwane ba supile fa ba itumeletse tsamaiso e e dirilweng ke ba lephata la diposo e ka yone ba amogelelang mo dikgotleng tsa bone ka go farologana. Bagodi ba metse e ba supile boitumelo fa ba ne ba buisana le BOPA mo potsolotsong bosheng. Ba tlhalosistse fa tlhabololo e e ba kgaoletse mosepele, ka jaanong ba sa tlhoke go tsamaya sekgala go ya kwa Maunatlala le Lerala go lata diofisi tsa poso. Mme Boemo Motshabi wa dingwaga tse di masome a supa le borataro wa Mokokwana o supile fa thulaganyo e, e le maiteko a matona fela thata, go tsisa ditlamelo gaufi le bone. Mme Motshabi o boletse fa go tsamaya sekgala se se leele go ne go ba babalela. Mme Motshabi o supa fa gantsi ba ne ba tlamega go leka ka maoto go lata dikamogelo kwa metseng e e nang le diposo lebakeng la tlhaelo ya dipalamo tsa setshaba mo kgaolong ya bone. O akgotse maiteko a puso e tsweletseng ka go a neela bagodi ba lefatshe leno. A re bagodi fa ba ile go kopa ditirelo mo maphateng le dikokelo ba diretswe thulaganyo e e faphegileng gore ba bone thuso mo nakong e e sa fediseng pelo, selo se a kaileng fa se e le go supa fa ba lemotshega mo setshabeng. Mme Mokgadi Kwatlhao wa Mosweu le ene o ne a supa fa thulaganyo e e ba tswetse mosola thata. A re ba ne ba setse ba fetogile merwalo ya bana ba bone fa go tla nako ya go amogela ka ba ne ba tshwanelwa ke go bona gore ba goroga jang kwa diposong mme seo se ba tshwarelele go dira ditiro tsa bone tsa tsatsi le letsatsi. Bokhutlo
politics
7
Dikgosi di gakolotswe go emela molao wa thekiso ya bojalwa ka dinao
Bogosi bo gakolotswe go diragatsa dithata tsa jone tsa go laola thekiso ya bojalwa jwa setso le gone go bona gore melawana e e laolang thekisoe e salwa morago. Kgakololo e e dirilwe ke mogolwane go tswa kwa ofising ya tiragatso molao kwa Serowe, Rre Gofaone Toteng ka Labone fa dikgosana tsa Serowe di etetse malwapa a a rekisang bojalwa jwa setso. Rre Toteng a re bogosi bo tshwanetse go thomamisa gore go rekisiwa majalwa a setso a a letleletsweng fela le go bona gore go salwa morago dinako tsa thekiso. Majalwa a setso a a letlelelwang mo malwapeng ke mokuru o o dirilweng ka mabele,khadi e e dirwang ka moretlwa,setopoti sa magapu,bojawa jwa morula le jo bo dirwang ka phaletshe le madila. O ne a supa fa diletso di sa letlelelwe mo dipotong. Mongwe wa dikgosi tse di neng di le teng koo, Kgosi Oleosi Serite wa kgotla ya Mauba o ne a gakolola barekisi ba bojalwa go nna ba ikwadisa mo dikgotleng tsa bone gore bone e le dikgosi ba itse gore go nowa kwa ga mang,a tswelela a ba kopa go obamela dinako. Moemedi wa mokgatlho o o mo letsholong la twantsho nnotagi wa Tsela Kgopo Cultural Group Rre Warona Ramaribana o ile a ba kopa go nna ba tlhatswa dikupu tse ba tshelang majalwa a bone mo teng go babalela botsogo jwa bareki ba bone. O tsweletse a ba kopa go rotloetsa banwi ba bojalwa go ja pele ba tla go nwa. Morulaganyi wa lekalana la Fokotsa Dino mo Serowe District Health Management Team e bile e le mooki kwa Sekgoma Memorial Hospital, Mme Malebogo Motsokono a re bojalwa bo baka ditlhalano le dipolaano mo malapeng ka bontsi, jalo ba bone go le botlhokwa go kopa kgosana go buwa le batho mo dikgotlaneng tsa bone ka bodiphatsa jwa nnotagi. Mme Mmamotsokono o tlhalositse fa dipoto ka bontsi di bitswa maina a a sa kgatlheng go lebeletswe gore go diragala eng teng,di bitswa bo bolola,ditshupo,UB,tlhatswa lesire le, bo moreomabele. Bogosi bo ile ja tsamaya le dipoto di le mmalwanyana,mme se seng se gakgamatsa ke gore di ne di butswe tsotlhe mme nako ya bobedi mo tshokologong e ise e goroge,gape go se phepa,go sena ntlwana ya boitiketso fa e le teng e sena lebati le fa e le gone go rulelwa tota. BOKHUTLO
society
9
Moruakgomo wa iphataphatela
Bangwe Batswana ba iteka fela thata go itshetsa ka diatla ba sa ikaega fela ka puso le mananeo a yone. Mme Thandie Moruakgomo ke mongwe wa bao ba ba sa batleng go direlwa jaaka nama e le batho mo motseng wa Middlepits mo Kgalagadi. Kwa ntleng ga go itshetsa o ntse o dira tiro e ntle ya go phepafatsa tikologo ya gagwe le go nna le seabe mo go sa latlheng ditsa tlholego. O dirisa bojang, matlapa, dithito tsa ditlhare go dira mekgabisa e e kgatlhisang. E rile a le mo potsolotsong le BOPA bosheng a tlhalosa fa maikaelelo a gagwe e le go supegetsa Batswana bomosola jwa dilo tse di mo tikologong ya bone, le gone go ba kgothatsa ka go ikakanyetsa ka fa ba ka fenyang lehuma ka teng. O tlhalositse fa a ne a dira dibeke ka dipolasitiki mme a bona kgwebo e sa tswelele a bona gore a akanye sesha. O boletse fa a dirisa pente a e boeletsa go nyeletsa boleng jwa logong a bo a gokaganya dikgong tseo ka sekano (glue) go nna selo se le sengwe. A re ka a santse a le mosha mo kgwebong o rekisetsa fela mo lapeng ka lebaka la go tlhoka lefelo le le faphegileng. O boletse gape fa a mekgabisa e e rekwa thata ke batho basweu a kaya fa ba bona e le dilo tse dintle tsa setso sa Batswana, ka jalo ba eletsa go nna le dingwe dilo tsa mofuta go supegetsa bana ba bone. Mme Moruakgomo o boletse fa a isa kgwebo ya gagwe kwa bathong ka go tsena ntlo le ntlwana a e bapatsa. O rotloeditse morafe go reka mekgabisa ya gagwe ka moo go ntlafatsa matlo a bone le go bo go kgatlhisa. O buile fa keletso ya gagwe e le gore e re mo dingwageng tse di tlang kgwebo ya gagwe e bo e godile le ene a kgona go ija mofufutso wa phatla. O ne a tlatsa ka gore o gakolola Batswana go abelana dineo tsa botshelo go supa lorato, kutlwelobotlhoko, le bojammogo mo lefatsheng.
economy_business_and_finance
3
Go bipa mpa ka mabele go borai
Batsadi ba kopilwe go tlhoka go loba dikgang tsa tlhakanelo dikobo le petelelo mo baneng ba dingwaga tse di kwa tlase. Mogolwane go tswa kwa ofising ya boipelego mo khanseleng ya Kgalagadi, Mme Abotseng Ramabele o boletse mo puisanong le ba lekalana la dikgang la BOPA bosheng, gore batsadi bangwe ba gataka ditshwanelo tsa bana ka go tlhoka go di bega ba lebile go atswiwa ka sengwe ke badiramolato. O tsweletse ka go tlhalosa fa go bopilwe komiti e e sireletsang molao wa bana mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, e maikaelelo a yone e leng go netefatsa gore bana ba tshela ba phuthologile gammogo le go tlhomamisa gore molao wa bana wa 2008 o a diragadiwa. A re komiti eo e bopilwe ka maphata a puso a a berekang le bana le go ba tlhokomela a a farologaneng a akaretsa a tsa pereko, mmakaseterata, thuto, botsogo le ba boipelego. Mme Ramabele o kaile fa ngwana mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go akola lorato lwa batsadi boo babedi go sa kgathalesege gore ga ba mmogo. A re gape molao wa bana o letla gore ngwana a nne le sebaka sa go bona thuto, botsogo, dijo, diaparo le tsotlhe tse a di tlhokang mo batsading ba gagwe. Fa a ntsha la gagwe mogolwane go tswa kwa lephateng la pereko, yo eleng modulasetilo wa komiti eo, Rre Bonang Batlanang o supile fa komiti e dirile maiteko a go tsamaya ba buisa diphuthego le go tsibosa setshaba mo metseng e e farologaneng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ka tshireletso ya molao wa bana le bomosola jwa teng. Rre Batlanang o tsweletse a tlhalosa fa go lebega fa komiti e tlaa solegela bana molemo ka ba setse ba amogela dikgang tse di amang bana di le dintsi mo kgaolong eo di akaretsa tlhakanelo dikobo ya bana ba ba kwa tlase ga dingwaga, petelelo le bana ba ba tlogelang sekole ba ya go nna le batsadi ba bone kwa dipolaseng. O tsweletse a supa fa dikgwetlho dingwe tse ba kopanang le tsone mo komiting eo e le batsadi ba ba lobang dikgang tsa bana le go tlhoka go di tsaya tsia go na le gore ba ye go di begela ba ba tshwanetseng eleng mapodisi le ba boipelego. O kaile fa letlhoko la dipalamo le paledisa komiti go dira ka natla. Mme Nametsegang Peloyame o supile fa mo nakong ya gompieno ba setse ba bopilwe dikomiti kwa metseng ee farologaneng tse ka tsone ba tla kgonang go upolola dikgang dingwe le dingwe tse di amang bana tse di ntseng di fitlhegile mo kgaolong eo. BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
Ditlhabololo di botlhokwa
Ditlhabololo ke dingwe tsa dilo tsa botlhokwa mo lefatsheng le no ka jaana di tlisa dilo di dira ditiro. Se se tlhalositswe ke modulasitilo wa khansele ya Kweneng, Rre Motlhophi Leo kwa pulo semmuso ya maemelo a dipalamo tsa setshaba kwa Molepolole bosheng. Rre Leo o ne a tlhalosa gore lentswa ditlhabololo di le botlhokwa di tla ka dikgwetlho tse difarologanyeng.A re go le gantsi banni ba motse o go dirwang ditlhabololo mo go one ba ngongorega ka gore diteraka tse di tona tse di dirisiwang di ba senyetsa matlo ka jaana a felela a ranyega. Rre Leo o ne a tlhalosa gore le mororo se se diragala, ditlhabololo tsone di tshwanetse go diragadiwa ka jaana mo go ba ba lesego e le tshimologo ya mmereko.O ne a tlhalosa fa tirisanyo mmogo magareng ga banni ba motse le babereki e ka lere maduo a mantle e bile seo se dire gore tiro e nne motlhofo go ka direga. Bokhutlo
society
9
Lemme ga le bolae …
E rile morago ga go fetsa mophato wa botlhano kwa Lotsane ka 1996, Mme Oiketile Gobonwang a fudugela kwa toropo kgolo Gaborone ka tsholofelo ya gore o tlaa feta a bona tiro gore le ene a kgone go oba letsogo. Mme Gobonwang a re o ne a seka a ipona tsapa, moso le moso a kubuga a tsena mo madirelong ka go farologana a batla tiro mme a sa e bone. A re e ne e re fa a re o segofetse a bo a bone tiro ya nakwana. Mme Gobonwang yo jaanong a leng dingwaga tse di masome a mararo le bone a re go tsoga ga gagwe ga letsatsi le letsatsi go ne ga felela go mo kokonela ka a ne a sa bone se a se batlang. A re e rile ka ngwaga wa 2009 a boela gae kwa e rileng a tsena teng a seka a nna fela. O boletse gore o ne a ipulela semausu mo lwapeng a rekisa dimonamone, dichips le diunits gareng ga tse dingwe. Mme Gobonwang a re lemme le kgwebo ya gagwe e le mmusetsang le tokafatsa botshelo jwa gagwe thata. A supa fa mo nakong ya gompieno a na le bana ba le bane mme mo go bone ba le babedi a ba itsenyetsa sekole ka bonyennyane joo fa ba bangwe ba santse ba ise ba tsene sekole. A re o kgona go ba duelela sekole, go ba rekela paka ya sekole, melora ga mmogo le dijo. Mme Gobonwang o supile fa a ikiteile sehuba gore kgwebo ya gagwe e seka ya phutlhama. A supa fa gape a le pelotelele e bile a le lorato mo bareking ba gagwe. A re gape ga a ke a letlelela seemo sepe go mo raela gore a felele a dirisitse madi mo ditirong tse di sa lebanang. Mme Gobonwang o ne a rotloetsa banana ba bangwe gore ba seka ba nyatsa dikgwebo tse dipotlana a re fa ba sa bone ditiro tsa sennela ruri ba inaakanye le dikgwebo tseo go inamola lehuma. O ne a kgala bontsi ja banana ba ba ineeletseng go nna kwa ditoropong mme ba sa bereke a re ke bone ba e reng ka moso ba bo ba inaakantse le ditiro tse di duleng mo tseleng jaaka bogodu le go gweba ka mmele. E ntse e le kwa motseng wa Moshopha, mogwebi yo mongwe yo mmotlana, Mme Oduetse Pulankgodise yo o dingwaga tse di masome a mararo le borobabongwe o supile fa ene a inaakantse le kgwebo ya go rekisa merogo le maungo.
crime_law_and_justice
1
Ba metse e e kgakala le ditlamelo ba reketswe leruo
Modulasetilo wa khansele ya Legare, Rre Lesego Raditanka a re banni ba metse e e kgakala le ditlamelo ba reketswe diruiwa mo ngwageng wa madi wa 2013/14. O buile se mo pegong ya gagwe fa a ne a simolodisa phuthego ya khansele ya Legare ka Mosupologo, Mopitlo a tlhola malatsi a le lesome. A re go ntshitswe madi a a fetang sedikadike go reka diruiwa go ralala kgaolo ya Legare e e nang le dikgaolwana tse supa. A re dikgaolwana ka bontsi di setse di feditse go rekela banni leruo, kwa ntle ga ya Boteti, e theko ya yone e diilweng ke leuba le le tsereng nako. O tlhalositse fa theko ya leruo kwa kgaolong eo e solofetswe go wediwa kgwedi ya Mopitlo e ya fifing. Fa ama tsa nyeletso lehuma, Rre Raditanka o tlhalositse fa lenaneo leo le maikaelelo a lone e leng go rutuntsha batlhoki ka fa ba ka iketshang mo lehumeng ka teng, le le ka fa tlase ga lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, le thapile batsamaisi ba nakwana ba lenaneo leo ba le borobabobedi go thusa go isa ditirelo kwa bathong. A re kgaolo e sa tswa go tshwara diithutuntsho tsa nyeletso lehuma kwa motseng wa Jamakata mme a akgola bao ba ba ntseng le seabe mogo baakanyetseng tiro eo. Raditanka o ne a tswelela a re fa e sale ofisi ya dikgang tsa bong e tlhamiwa ka ngwaga wa 2007, e thusitse batho go simolodisa madirelo ale masome a mararo ka madi a a fetang didikadike dile nne mme a re mo bogompienong ke madirelo ale lesome fela a dirang sentle. A re se se dirwa ke ntlha ya gore gona le dikgwetlho tsa tlhaelo ya bodiredi, boitseme jwa bao ba ba thusiwang go ikinola mo lehumeng gareng ga tse dingwe. Modulasetilo o tlhalositse gore le fa go ntse jalo, go na le dikgato tse di tlaa tsewang go baakanya seemo seo, jaaka go netefatsa gore bao ba ba filweng dithuso ba bewa leitlho, go netefatsa gore madirelo a tsamaisiwa sentle le gone go oketsa bodiredi ka go thapa badiri ba nakwana bale babedi ba ba itebagantseng le nyeletso lehuma. BOKHUTLO
society
9
Mapodisi a rotloetsa ngwao
Mapodisi a Sejelo mo Kanye a sa tswa go rotloetsa ngwao ya Sengwaketse ka go supa kapari, dijo, poko le metshameko. Motswarelela kgosikgolo ya Gangwaketse, Kgosi Kwelagobe Mookodi, o galaleditse mapodisi a Kanye, a bolela fa ba dira sentle ka go supa ngwao mo tirong, go nna sekao mo badirelapusong ba bangwe fa ngwao e le pinagare ya setshaba sengwe le sengwe. Kgosi Mookodi o boletse fa Tautona a rata ngwao mo go itumedisang, ke ka moo magosi le one a mo emeng nokeng thata, ka go rotloetsa ngwao e e setseng e nyelela ka monokela. O boletse fa dikgosi di ne di bolotsa mophato, bogwera, bojale le go kua dikgafela e le ngwao e batsogapele ba tswang kgakala ka yone. O boletse fa badirelapuso ba tshwanetse go supa dingwao tsa bone ka gore ba bereka ba farologane. O boletse fa bogologolo ngwana wa mosimane a sa tswelwe ke letsatsi mo ntlung. O boletse fa mo ngwaong, mosadi fa a itsholofetse a sa ralale dikgomo ka gore ga go a siama dikgomo di ka lwala. Kgosi o boletse fa go ya kwa dintshong go na le kapari ya teng, fa morafe wa Basarwa o na le ka fa o dirang ka teng mabapi le go alafa le go tsoma. O boletse fa bogologolo bana ba ne ba sa je telele le diphilo. Kgosi o boletse fa setilo sa dikgole e le sa borre fa diphate e le tsa bomme. A re ka Sengwaketse nyalo ya teng, monna o ntsha kgomo tse di ferang bobedi le mokwele. O ne a tlatsa ka go re mosadi ke thari ya setshaba. Mogolo wa motse, Rre Motswakgakala Sealetsa o boletse fa bogologolo borukutlhi bo ne bo se bontsi, ka gore go ne go na le ka fa morafe o thayang malwapa ka teng ka melemo wa Setswana. Rre Sealetsa a re go ne go sena setsidifatsi mme bagologolo ba ne dira gore dijo di bolokesega, jaaka nama e dirwa digwapa, lengangale go tswa mo lerotseng, tshwabi le madila. O boletse fa sekole sa bojale le bogwera go ne go rutwa bana go itshwara sentle ka molao wa Setswana, fa botsetse bo ne bo beiwa ke bagolo bogolo basadibagolo, go ne go beiwa mopako fa kgorong. Go na le Setswana se se reng ‘go loma sebetlela’ pele ga motho a beiwa setsha. Seo go dirwa gore malwapa a lomagane thata.
arts_culture_entertainment_and_media
0
Ikwadisetso ditlhopho e bonya kwa kgatleng
Mogolwane wa lekgotla la ikwadisetso ditlhopho la IEC kwa kgatleng, Rre Boemo Mpolokeng a re setshaba se ikwadisetsa ditlhopho tsa tlaleletso ka boutsana. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Mpolokeng a re ba lemogile fa tshologelo e e kwa tlase e e se fela mo kgaolong ya Kgatleng mme e le selo se se anameng le lefatshe leno lotlhe. Rre Mpolokeng a re ga ba kake ba re setshaba ga se itse ka ikwadiso ya tlaleletso e ka gonne ba e anamisitse thata ka dipampitshana le ka digoagowe maitseboa mangwe le mangwe. A re setshaba se fa mabaka a farologaneng a go tlhoka go ikwadisa mme segolo ba re go tlhopha ga go na mosola. A re go tlhoka go ikwadisa ga batho bao go dira gore ba itlhokomolose maikarabelo a bone mo setshabeng, a go tsaya karolo mo go tlhopheng yo o etelelang lefatshe. A re ngongora ya bangwe ya gore mapolotiki ga a ba direle sepe, ga se e e ka rarabololwang ke lekgotla la IEC. A re se ba ka se dirang ele lekgotla ke go kgothatsa Batswana go ikwadisa gore batle ba tlhophe puso e ba e batlang. A re tlhopho ya bone ke yone fela e ka ba buelelang. A re lekgotla la IEC le ne la inaakanya le batsaya-karolo ba bangwe jaaka makgotla a babereki, baruti le mapolotiki go thusa go rotloetsa setshaba go ikwadisa. Bokhutlo
politics
7
St John e tshwere dikgaisanyo tsa moopelo wa sedumedi
Kereke ya St John ya kgaolwana ya Palapye e simolodisitse moopelo wa sedumedi kwa Palapye, ka banana ba yone ba khwaere ya Bana ba Lesedi o o bidiwang Clap and Tap Extravaganza. Meopelo o o neng o ngokile dikhwaere tse dingwe tsa kereke eo go tswa Maung le mafelo a mangwe, le dikhwaere tsa dikereke tse di neng di laleditswe kwa dikgaisanyong tsa moopelo tsa ntlha tse maikaelelo a tsone e leng go kgobokanya madi a a tlaa thusang mo go agweng ga kereke ya kgaolo ya Palapye. Maikaelelo magolo a moopelo oo, ke go itebaganya le twantsho tiriso ya ditagi le botlhoka tsebe jwa banana. Mothusa tona wa lephata la Peeletso, Papadi le Madirelo, yo gape e leng mopalamente wa kgaolo ya Palapye, Rre Moiseraele Goya a re lekwalo la ga Samoele wa bobedi, kgaolo ya bosupa temana ya botlhano la re ‘ya o ree motlhanka wa me Tafite o re Jehofa o bua jaana a re a o tlaa nkagela ntlo ya go tla ke aga mo go yone’ fa ya borataro e re, ‘go nne e sale ka letsati le ke ntshitseng bana ba Iseraele mo Egepeto ka lone, nako ke eno ga ke ise ke age mo ntlong, ke ntse ke tsamaya mo mogopeng le mo motlaaganeng fela.” Rre Goya a re mafoko a, a lebane gore a e le ruri go tlaa arelwa Jehofa ntlo e a tlaa nnang mo go yone mme tumelo ya gagwe ke gore ke one maikaelelo a bone e le banana go aga ntlo ya kobamelo. A re letsema le thata ka mong, ba dire dipampitshana tse mo go tsone mongwe le mongwe a tlaa ithaopelang go ntsha setena ka maikaelelo a go agela Jehofa, mme ene a rotloetsa ka go ntsha P1 000 e le tsimololo ya loeto lwa kago ka go reka setena. Mogolowane go tswa kwa khamphaneng e e dirang ditena ya Makoro, Rre Nicholas Moupanaga o tlhalositse fa go tswa goo-lowe, ’sika loo motho le tshela ka mofufutso wa phatla, go ntse go na le ba-tswa setlhabelo ba ba neng ba swela dibe tsa mongwe le mongwe gore a bolokwe. Rre Moupanaga a re ditsamaiso le kotlhao di ne di le teng go ruta le go rotloetsa ’sika loo motho gore le seka la swela mo dibeng. A re setlhogo sa bokopano joo sa Maoto a Nong ke Phofa, se lebane ka banana e le bone ba amegang bobe mo go timelelweng ke tsela mme ba iphitlhele ba inaakantse le ditiro tse di duleng mo tseleng, mme ka meopelo, ba ka agwa gore ba tswele kereke mosola ka go dira jaaka ba simolotse jaana. Rre Moupanaga o gateletse botlhokwa jwa go itsaya tsia ga banana, go tlotlana le go tlotla bagolo gore ba kgone go tsholetsa serodumo sa kereke mme a re ba ka kgona go dira jalo ka go nna le lerato ka ke lone le ka ba bayang mo seemo sa go tlhaloganya le go itse bogolo jwa Modimo. O rotloeditse tiriso ya mananeo a puso go itlhabolola, mme a ikabela kereke go e ema nokeng mo kagong. Bishop Titus Makosha ene a re e le baphuthegi ba kereke ya St John, ba eletsa go bona ba aname go ngokela banana mo tumelong le go ba lemotsha ka bogolo jwa Modimo. A re kereke e tshwenngwa ke boitsholo jo e seng jone jwa banana. A re mme fa ba ka amogela Keresete ga bana ba tlhola ba boela botshelo joo. Bishop Makosha a re Palapye o gola thata mme kgolo eo e tla ka di-tla morago tsa gore jaanong e nna makgatlhanela thapong, ditshaba di kopana ka dingwao le mekgwa e e farologanyeng mme mophato o o amegang bobe e nne banana. BOKHUTLO
religion_and_belief
8
Khansele-potlana ya Bobirwa e lekodisa setshaba
Letsatsi la mafatshefatshe la mono ngwaga la segopotso sa bolwetse jwa AIDS le tlaa bo le tshwaretswe kwa Bobonong. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Bobirwa, Rre Sylvester Masweu a re sebui segolo e tlaa bo e le Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama. O tlhalositse ka Mosupologo fa a lekodisa ka ditiro tsa khansele-potlana eo gape fa dithendara tse di tlaa ntshiwang di tlaa abelwa beng-gae go leka go tsholetsa dikhamphani tsa bone. A re dithendara tseo di tlaa bo di buletswe go fitlhelela Ngwanaatse a le masome mabedi le bosupa. O tlhalositse gore mo ngwageng wa madi wa 2018/2019 go ka nna ga nna le ditiro tse dingwe tsa ditlhabololo. O tlhalositse fa dikago dingwe tsa sekole se sebotlana sa Tshokwe jaaka matlo a borutelo, matlo a barutabana a boroko a saletse morago. Rre Masweu o ne a tlhalosa fa go agwa ga ditirelo tseo go tlaa thusa go rarabolola bothata jo bo ntseng bo le teng. Mo go tse dingwe, modulasetilo Rre Masweu a re go agwa ga kampa ya sepodisi kwa Semolale go tsweletse. Rre Masweu a re go nnile le tiego mabapi le tsa motlakase, mme beng ba dikhamphani ba thulantse ditlhogo go bona ka fa tiro e ka tswelelang ka teng. O boletse fa mo nakong e no go amogetswe dingongorego go tswa mo malwapeng a le makgolo a supa, morago ga go angwa ke ditlhabololo tsa mo motseng. Ba le makgolo a mararo le masome a mararo mo palong eo, ba ne ba phimolwa keledi. Le fa go ntse jalo, tshekatsheko ya dingongorego e santse e tsweletse. Rre Masweu o ne a tsibosa setshaba ka seemo se se kwa Zimbabwe, mme a tlhagisa Batswana go emisa go etela kwa lefatsheng leo go fitlhelela seemo sebepa.BOKHUTLO
education
4
Morafe o lebogela tirisano le mopalamente
Kgosi John Seabe wa Botshabelo kwa Selebi Phikwe a re boineelo le bopelotelele jwa ga Rre Nonofo Molefhi ke tsone tse di mo kgontshitseng go etelela morafe wa Selebi Phikwe Botlhaba pele. O buile jaana jaaka banni ba kgaolo ya Botshabelo le Ikageleng ba ne ba laela mopalamente wa bone bosheng kwa Selebi-Phikwe. Rre Molefhi o na le dingwaga di le lesome le botlhano e ntse e le morongwa wa bone. A re tshwaragano ya bone le mopalamente e ba kgontshitse dilo di le mmalwa. E rile a ba ema ka lefoko, Rre Molefhi o ne a tlhalosetsa banni ba Botshabelo le Ikageleng fa a tsile go ba laela mme a lebogela tirisano mmogo ya gagwe le bone. Rre Molefhi o ne a supa fa a kgonne ditiro di le dintsi ka kemo nokeng ya morafe le fa tse dingwe di santse di saletse kwa morago, a supa fa ba ba tlaa tlang kwa morago le bone ba tlaa ya go tsweledisa fa a emeng teng. O ne a ba sedimosetsa fa maiteko a go tsosolosa itsholelo ya Selebi Phikwe a tsweletse le ntswa go tsamaya ka bonya. O supile fa tiego e bakwa ke letlhoko la madi gore go tsenngwe ditlamelo di tshwana le metsi, motlakase le kago ya ditsela kwa ditsheng tsa dikgwebo, mme a supa fa go tlaa dirwa jalo mo bogaufing. Rre Molefhi o ne a tlhalosa fa maikaelelo a puso e le go netefatsa gore batho ga ba nne batlhoki ka go ngoka bagwebi ba ba ka tlhamang mebereko ka se se ka imolola puso morwalo wa go tlhokomela setshaba. Mo go tse dingwe, Rre Molefhi o ne a supa fa e ne ya re mo bogaufing a ya go kopana le motlhokomedi wa moepo wa BCL yo o neng a tlhalosa fa moepo o le mo tlhokomelong gore yo o nang le kgatlhego ya go o reka a o fitlhele o siame. O ne a supa fa motlhokomedi wa moepo a na le megopolo e e tsamaelanang le ya puso ka go batla ba ba ka rekang mmu wa BCL ka bofefo mme a tlhalosa fa go setse go na le ba ba supileng kgatlhego mo go one. Rre Molefhi a re se se ka thusa gore e re go santse go letetswe theko ya moepo go bo go na le kwa batho ba tsentseng letsogo teng go itshetsa. Le fa go ntse jalo, Rre Molefhi o ne a tlhomamisetsa morafe fa a tlaa tsweledisa tiro e a ntseng a e dira ya go rotloetsa maduo a mantle a dikoleo tsa SelebiPhikwe ka go abela dikole le bana ba ba dirileng sentle mo ditlhatlhobong tsa makgaolakgang. E rile ba akgela mo mafokong a ga mopalamente, mongwe wa bagolo Rre Omponye Ditau o supile fa ba tswa kgakala ba kopa gore palamente e supiwe mo setshwantshong sa motshikhinyego go bona gore a ba ba ba romileng ba dira tiro, mme nako kgolo ke eno. Mme Susan Batshedi o ne a supa fa melala ya madi a a kolotwang a ditirelo kwa khanseleng a le kwa godimo mo ba sa kgoneng go a duela ka ntata ya letlhoko la madi mme a kopa puso go ba thusa go duela. Ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Molosiwa Molosiwa o ne a gakolola morafe fa nako ya ditlhopho e le gaufi mme a kgothatsa ba ba ikwadisitseng go ya go tlhopha baeteledipele ba ba nang le boikarabelo. Rre Molosiwa o ne a ba kgothatsa go tshwaragana le fa go ka bo go na le pharologanyo ya megopolo. A re go botlhokwa go baya lefatshe la Botswana kwa pele ga sengwe le sengwe gore go tswelele go na le kagiso.
politics
7
Seabe le tsamaiso ya diphiri di fetogile
Go tswa goo-lowe, diphiri di ntse di thusa mo dintshong go epa mabitla ntleng le dituelo dipe, se e le go supa lorato le kutwelobotlhoko mo go ba ba tlhokafaletsweng. Mo segompienong, tsamaiso ya diphiri e fetogile ka bonya ka bonya seabe sa diphiri se simolola go nyelela jaaka muuwane tsatsi le thaba. Mongwe wa bagolo kwa Borolong, Rre Batshani Nawa o tlhaloseditse A re ba biditswe diphiri ka gore phiri ke phologolo e e epang mesima masigo mme e bile go se motlhofo go e bona e dira jalo mme borre ba le bone ba epa mabitla bosigo go se ope yo o ba bonang. O thalositse fa mo malobeng, diphiri di ne di sa gakololwe tiro ya tsone fa go tlhagile loso, ba ne ba tla letsatsi pele ga phitho e bile ba tshwara nako. A re fa dintsho di feta bongwe diphiri di ne di ikgaoganya, tiro ya bone ba e dira dipula di na le go le serame. Yo o neng a seke a itshwenya go ya go thusa a re morafe o ne o mmaya leitlho, mme fa loso le tlhagogile kwa ga bone, borre ba bangwe le bone ba ne ba itulela ba sa e go thusa go epa lebitla. A re malome o ne a ya go thaya lebitla bosigogare, mme a salwe morago ke koloi kgotsa dikoloi tse di pegileng diphiri, mme fa mabitla a le gaufi ba ne ba bopelela ba itaya ka la ga Moshe go ya mabitleng. A re diphiri di ne di lala di epa lebitla bosigo ba gotsitse molelo go ba bonesetsa, ba sa tshwanela go tswelwa ke letsatsi kwa mabitleng. E ne e le moila go bona diphiri, yo o ka ba welang ka phoso o ne a tshwanelwa ke go sia la mmutla o alotswe ke dintša. Rre Nawa a re fa diphiri di epa, go ne go nna le monnamogolo mongwe yo o di tlhokometseng gore ba epa sentle ebile ba itshwara sentle, a gatelela fa yo o dirang maitseo a a makgasa a ne a kgwathisetswa gone kwa mabitleng. Rre Nawa a re diphiri di ne di goroga kwa lwapeng makuku, ba fithela ba apeetswe dijo tse ba neng ba di ja ba le nosi, ba sa tlhakane le morafe fa ba a ja. A re ba ne ba apeelwa podi le letsogo la kgomo ka go ne go dumelwa gore fela jaaka phiri ya phologolo, ba rata nama bobe. Mo malobeng a re seabe sa diphiri se ne se bonala, e bile ba tlotlwa ka go bo ba ne ba rotloetsa mowa wa boithaopo, kutwelobothoko le lorato. Rre Nawa o tlhalositse fa gompieno seabe le tsamaiso ya diphiri di fetogile, borre ba sa tlhole ba ithaopa. A re mowa wa boithaopo o fokotsegile ka batho ba eteleditse madi pele, ba batla go duelelwa go epa mabitla. Tlhaelo ya diphiri a re e feletsa e baka gore bangwe ba felele ba ikanya go thapa katakata go epa mabitla, mme se se ba okeletse ditshenyegelo mo losong. “Diphiri tsa gompieno ba kgona go epa mabitla motshegare ba bo ba pake le majalwa go ya koo, mo go feletsang e nna ga mmapereko kwa mabitleng, ba sa itshware sentle mo ba kgonang le go lwa, se e bo e se go tlotla loso,”Rre Nawa a supa. A re Batswana fa ba ka seke ba itharabologelwa, diphiri di ka felela di nyeletse mme se, se oketse ditshenyegelo tsa loso ka go thapa ba ba epang mabitla, e bile go ka bolaya mowa wa lorato le boutwelobothoko o o neng o supiwa ke morafe mo dintshong.
society
9
BBS e abela lekgotla
Banka ya Botswana Building Society (BBS) e abetse Bobonong Home Based Care dikete tsa dipula di le lesome. Fa a bua kwa kabong eo, mogolwane wa banka eo kwa Selebi Phikwe, Rre Shatani Tafila o tlhalositse fa madi ao a a tlaa dirisiwang mo kagong e e tsweletseng ya bana ba dikhutsana le banalebogole. Rre Tafila o tlhalositswe fa go agiwa ga kago eo go tlaa thusa dikhutsana le banalebogole go anya dikitso tse ba tlaa di dirisang go tokafatsa matshelo a bone. Fa a tswa la gagwe, Rre Philip Mabeyana yo e leng leloko la Bobonong Home Based Care o lebogetse madi ao, a tlhalosa fa madi ao ba tlaa dirisa mo ditirong di tshwana go penta kago eo le go tsenya floor tile. O supile fa kompone ya ZAC Construction le yone e sa ipona tsapa ka e ne ya ba thusa ka go epa fa ntlo e simologa go agwa gammogo le go baakanya lefelo le kago e leng mo go lone ka mmu wa teng o le seloko. Mokhanselara wa kgaolo ya Mabumahibidu mo Bobonong, Rre Gabaitse Mathengwane a re go neela banalebogole le dikhutsana dithuto go ka ba tswela mosola fela thata. O kaile fa lefatshe la Botswana le lone le ka anya go le gontsi thata mo dikitsong tsa banalebogole.
society
9
Go rekisa dijo tsa mophako ke molato
Kgosi Basadi Seipone wa Kang a re o tshwenngwa ke batlhoki ba ba sa tshwareng dijo tsa mophako sentle. Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Seipone o buile a sa kgwe mathe gore go tlhabisa ditlhong gore bangwe batlhoki ba rekisa dijo tsa mophako ka maikaelelo a go reka dinotagi. A re batlhoki ba go nna jalo go le gantsi ba nwa dijo tseo. Kgosi Seipone a re go botlhokwa gore botlhe ba ba thusiwang ke puso jaaka batlhoki, ba-na-le bogole le masiela ba tlhokomele lemmenyana le puso e ba thusang ka lone gore bana ba bone ba seka ba wela mo isong. Kgosi o tlhalositse gore puso e dirisa madi a mantsi go neela ba ba amegang dithuso. Kgosi o supile gore ba ba tlaa fitlhelwang ba rekisa dijo tseo ba tlaa tseelwa kgato. A re le ba ba rekang dijo tseo ba tshwanetse go gagamadiwa phogwana ka ba rotloetsa mokgwa o o sa siamang mo sechabeng. Kgosi Seipone a re go dira jalo ke bonweenwee le go gopela itsholelo. Le fa go ntse jalo, Kgosi Seipone o lebogetse badiri ba boipelego ba kgaolo-potlana ya Hukuntsi go bo ba ne ba phuthile batlhoki, ba-na-le bogole, masiela ga mmogo le bagodi go ba ruta ka tiriso ya karata e e tsayang dijo tsa mophako ya Zebra. A re selo seo ke maiteko a a tshwanetseng go iteelwa legofi ka go lebega thuto e ntse e tlhaela mo bangweng ba ba thusiwang ka mophako. ENDS
society
9
Ba kopiwa go dirisa komiti ya botsogo
Banni ba kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami ba kopiwa go nna ba ikgolaganya le komiti ya bogakolodi jwa tsa botsogo fa ba na le matshwanyego mabapi le tsa botsogo. Mo potsolotsong, modulasetilo wa komiti eo kwa kokelong ya Sefhare, Rre Tshupo Noge, a re komiti ya bone ga e kgotsofalele ka fa morafe o e dirisang ka teng le ntswa bontsi jwa batho bo na le matshwenyego. Rre Noge a re komiti ya bone e ka fa molaong e bile maloko a rutuntshitswe go ka rarabolola bontsi jwa dikgwetlho tse morafe o kopanang le tsone mo dikokelong kgotsa mo dikokelwaneng. Ka jalo a re morafe o seka wa nyatsa sepe, a tlatsa ka go re o maswabi ka gore le fa ba bitsa diphuthego mo dikgotleng ka maikaelelo a go tla go tlhalosetsa morafe ka fa komiti e berekang ka teng, batho ga ba tle. Rre Noge o tlhalositse fa kokelo ya Sefhare e le yone e tona mo kgaolong, ka jalo e amogela balwetse botlhe go tswa kwa dikokelwaneng tsa metse e e mabapi. O ne a supa fa motse mongwe le mongwe o na le kemedi mo komiting eo, a bo a rotloetsa morafe gore o netefase gore o itse moemedi wa bone le go itsalanya nae. A re botsogo ke selo se se tlang pele mo mothong, ka jalo go botlhokwa go tsibogela matshwenyego a botsogo ka nako. A re go sa ntse go na le batho ba ba kgonang go tshaba go tsena mo diofising tsa maphata a botsogo go ya go botsa ka sepe fela se se amang botsogo le fa motho a tlhoka kitso ka bofefo mme a re batho ba go nna jalo ba ka bona thuso mo komiting ya bogakolodi. Rre Noge o ne a kopa tirisano mmogo e e tseneletseng mo morafeng. A re tshwaragano ya komiti le morafe e ka lere maduo a a botoka mo botsogong jwa mongwe le mongwe.BOKHUTLO
health
6
Khansele ya Selebi Phikwe e a alosa
Baithuti ba le masome mabedi le botlhano ba alogile morago ga gore ba tsene dithuto tsa thuto ya ngwana go tswa kwa moding ka thuso ya khansele ya Selebi Phikwe. E rile a amogela dialogane le baeteledipele ba toropo ya Selebi Phikwe ba ba neng ba tsene moletlo wa go aloga ga baithuti kwa Anne Adams Park, mothusa mokwaledi wa khansele ya Selebi Phikwe, Rre Shadrek Selelo a tlhalosa fa puso e leka ka ditsela tsotlhe gore Motswana mongwe le mongwe a kgone go bona thuto. Rre Selelo o ne a supa fa puso e rotloetsa gore bana ba simolole go rutwa ba santse ba le kwa tlase ka dingwaga gore ba kgone go bulega ditlhaloganyo pele ba ya go dira mophato wa ntlha. Rre Selelo o ne a re go netefatsa seo, e le ba khansele ya Selebi Phikwe e ne ya re ka Phatwe ba simolodisa dithuto tse di tsereng dikgwedi tse tharo go rutuntsha baithuti se e le go diragatsa maitlamo a puso. E rile a tswa la gagwe, mokgothatsi wa letsatsi, Rre Kenneth Mogapi yo e leng mantswitswidi wa thuto e bile e le mokwadi o ne a gakolola dialogane fa se e le tshimologo ya botshelo ka ba tshwanetse go gatela pele ba ikopanya le ba Botswana Open University go oketsa se ba setseng ba se ithutile. Rre Mogapi o ne a supa fa thuto ya bana ba ba santseng ba le babotlana e se motlhofo ka ditlhaloganyo tsa bone di a bo di santse di gola e bile ba tlhoka tlhokomelo e e tseneletseng mme a rotloetsa dialogane go nna le lorato ka se ba batlang go nna sone. Mongwe wa dialogane, Mme Boitumelo Keboifile o ne a supa fa ba ithutile go le gontsi ka tlhokomelo le kgodiso ya ngwana le ka fa a ka thusiwang ka teng gore a kgone se a batlang go se dira. Mme Goitsemodimo Mhlanga yo le ene e neng e le mongwe wa dialogane, o ne a supa fa se a se ithutileng a setse a se dirisa go thusa ngwana wa gagwe tiro ya sekole mme maduo a setse a bonala. Kwa bofelong modulasetilo wa thuto kwa khanseleng ya Selebi Phikwe, Mme Dorcas Letlhogela o ne a kgothatsa dialogane go ikopanya go dirisa mananeo a puso go itlhamela mebereko ka mo nakong ya gompieno go le thata go bona tiro. BOKHUTLO
education
4
Baji-bareki ba tshwanetse go itse ditshwanelo tsa bone
Mothusa mookamedi wa lephata la papadi le merero ya baji-bareki, Mme Kemmonye Keitsile a re go tlhokega gore baji bareki ba rutwe ditshwanelo tsa bone. Fa a bua mono Gaborone kwa thutopuisanyong ya letsatsi la mafatshe la ditshwanelo tsa baji-bareki, Mme Keitsile o boletse fa baji-bareki ba tlhoka go tlhabololwa ka ba lebanwe ke dikgwetlho mo mmarakeng wa boranyane. A re batho ba ba dirisang mmaraka wa boranyane ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le go dirisa dikhomputara go tsietsa, go tsietsa ka tiriso ya boranyane, le go tlhoka go direla mo pontsheng ga barekisi. O kgothaditse badirisi go nna kelotlhoko fa ba reka dilwana le ditirelo. O kopile dikhamphane tsa ditirelo go tswa ka ditsela tse di farologanyeng tsa go tiisa ditshwanelo tsa baji-bareki, ka jalo ba ntlafatsa mebaraka ya boranyane. Fa a tswa la gagwe, mothusa mookamedi wa Botswana Communications Regulatory Authority (BOCRA), Rre Aaron Nyelesi a re le fa baji- bareki ba lebanwe ke dikgwetlho, ba botlhokwa mo go tsweleleng ga itsholelo. Rre Nyelesi a re mmaraka wa boranyane o na le tse di siameng le tse di sa siamang, a re BOCRA e tlhometswe go ntsha ditirelo tse di babalesegileng, di ikanyega, e bile di sa ture. O kopile baji bareki go kopana go sekaseka dikgwetlho tse di ba lebaneng mo mmarakeng le go lwela dikgato tse di maleba go baakanya seemo. Segopotso seo se ne se tshwerwe ka setlhogo se se reng, ‘Go Dira Mebaraka ya Maranyane e e Tshephegang’. A re setlhogo seo se maleba gonne boranyane bo naya badirisi sebaka sa go tlhopha le go dira ka thelelo gonne dilwana le ditirelo di rekisiwa ka boranyane jwa dikhomputara.
economy_business_and_finance
3
IEC e kopa megopolo
Lephata le le tsamaisang ditlhopho la Independent Electoral Commission (IEC) le kopile makhanselara a Palapye go le thusa ka megopolo mabapi le go sekaseka mafelo a ikwadiso le matlhophelo Mogolwane wa ofisi e e tlhophisang mo Palapye, Rre Molatlhegi Baloi a re ofisi ya gagwe e sekaseka mafelo mangwe a botlhophelo go bona gore a ka tokafadiwa kana a sutisiwa jang. O ne a kopa phuthego ya khansele go thusa mo tirong e ka megopolo ka e le bone ba nang le seabe se segolo mo dikgaolwaneng tsa bone tsa botlhophi gape ba na le kitso e ntsi ka dikgaolo tsa bone. O ne a bua gape a re molao o o tsamaisang ditlhopho o neela mokwaledi wa ditlhopho tetla ya go sekaseka gore a melelwane ya mafelo a matlhophelo e siame mme fela melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi e ka seke e fetolwe fa e se fela palamente e ka ntsha taolo ya gore go nne jaalo. O ne a kopa gore megopolo e e ntshiwang e dirwe ka mekwalo mme e romelwe kwa ofising ya IEC. A re megopolo eo e tlaa amogelwa go fitlhela letsatsi la bofelo la kgwedi ya Lwetse gore ofisi ya gagwe e tle e nne le nako ya go sekaseka mafelo a teng. O ne a tswelela a bua ka gore tiriso ya ditante mo matlhophelong e siilwe ke nako ka jalo fa go na le dikago dingwe mo dikgaolong tsa ditlhopho di dirisiwe mo boemong jwa ditante. Makhanselara a dikgaolo tse di farologanyeng a ne a dumalana le gore ditante di siilwe ke nako gape di na le dikgwetlho jaaka go tlhoka ditlamelo gaufi le tsone, letlhoko la metsi le motlakase gape di tshabelelwa ke go wa fa go le diphefo le dipula mme di tlhoke batho ba ba ka nnang ba di tlhoma. Ba ne ba tshwaela gape gore tiriso ya ditante e na le ditshenyegelo tse dintsi fa di isiwa kwa matlhophelong di bo di tsewa. Bontsi bo ne jwa tsibogela seemo se. Mokhanselara wa Lerala Bophirima Rre Gabagopole Sebele o ne a ntsha mogopolo wa gore ene le ba kgaolo ya gagwe ba tlaa tsibogela seemo se kago aga maobo a dikgotlana gore ka nako ya ditlhopho a dirisiwe e le mafelo a botlhophi. O ne a re ba tlaa rulaganya go buisana le lekalana la IEC gore ba kopanele ditshenyegelo tsa kago mme ba bo ba dirisa Ipelegeng go aga. Mokhanselara wa Khurumela Rre George Makhura o ne a ntsha mogopolo wa gore go dirisiwe dikharavene. O ne gape a ntsha matshwenyego a gore matlhophelo mangwe a bapile mo dikgaolong dingwe tsa botlhophelo. Mokhanselara wa Serorome botlhaba RreTebogo Apei ene o ne a tlhalosa fa matlhophelo a a beewang mo dikerekeng a le dingalo ka gore batlhophi bangwe ba gana go tsena mo dikerekeng mme ba ye go batla matlhophelo a ditante. O ne a tlhalosa fa a itemogetse seemo se ka matlhophelo mangwe a mabedi a a neng a beilwe mo dikerekeng mo kgaolong ya gagwe. Fa a ntsha la gagwe, Mokhanselara Raboloko o ne a re batho ba tlwaetse go tlhophelwa mo ditaenteng. BOKHUTLO
politics
7
Masisi o dumalana le ba Manyana
Mopalamente wa Moshupa, Rre Mokgweetsi Masisi a re seemo sa go tlhoka go abelwa lefatshe kwa Manyana ga se itumedise. O buile jalo kwa phuthegong ya kgotla kwa Manyana bosheng kwa banni ba ngongoregileng thata ka sebaka se se leele ba sa abelwe ditsha ka gore go santse go dirwa ditlhotlhomiso kwa motseng oo mabapi le gore lefatshe le seloko ebile le ranyega. Banni ba ne ba ngongorega thata gore palo ya bone e a ngotlega fa bangwe ba kopa ditsha kwa Mmankgodi, Thamaga le Ntlhantlhe. Ba boletse fa bana ba bone ba sa itse gore ba tla aga kae ka gore ditlhotlhomiso di tsere lobaka thata. Ba kopile gore segolo ba abelwe ditsha fa godimo ga thaba ee mo motseng wa bone ka e siametse dikago. Banni ba bile ba bolela fa ba ipaakanyetsa go rwala ditlhako go isa ngongora ya bone kwa go mothusa tautona gore a leke go rarabolola kgang ya bone. Rre Masisi, yo gape e leng tona wa ofisi ya Merero ya Ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso, o ba boleletse gore o dumalana le bone gore kgang e e kgologolo ebile ka e le Batswana ba na le tshwanelo ya go fetela kwa go mothusa tautona ebile o ka ba thusa go bua le ene. O boletse fa a le moemedi wa bone mme a na le bone mo dikgannyeng tsotlhe tse di sa ba tseyeng sentle. O boletse fa kgolo ya motse e ba beile ka fa mosing e bile a kaya fa ditlhabololo go dirwa mo lefelong go lebilwe dipalo tsa batho. O boletse fa puso e dirle go le go tona go tlhabolola matshelo a Batswana fa go tshwantshanngwa le nako ya fa Botswana a ne a tsaya boipuso. O boletse fa nako eno kwelo tlase ya itsholelo e amile thata ditlhabololo dingwe tse di neng di le mo lenaneong di tshwanetse go dirwa, mme a bolela fa a neetswe boikarabelo ja go tsamaisa lenaneo la nyeletso lehuma la nta ya tlhogo. O kopile banni ba Manyana go akola lenaneo leo thata ka gore le tlhabolola matshelo a Batswana ba ba amilweng thata ke lehuma. O boletse fa madi a lenaneo a le teng a emetse mongwe le mongwe yo o tshwanelwang ke lenaneo. Ba lekgotla la kabo ditsha la Moshupa ba boleletse banni gore seemo sa go ranyega ga lefatshe go dirile gore ba emise go aba lefatshe, mme ke tumalano ya bone le morafe wa Manyana. Ba dumalane gore go diegile ka gore baba tlhotlhomisang ke ba Geological Survey (GS) mme bodiredi jwa teng ke jone bo diegang ka ditlhotlhomiso, legale ba rile ba tla ba sala morago. Kgosi Kebinatshwene Mosielele wa Manyana o boleletse tona fa leuba le ba apesitse kobo ka letshoba dikgomo tsa bone di e swa ka bontsi. Kgosi o kopile gore batho ka bontsi ba ikwadisetse ditlhopho ba bo ba tlhophe batho ba ba nang le boleng ka ba itse bokgoni ja banni ba motse wa Manyana. Le ene o ne a ngongorega ka go tlhoka go abelwa lefatshe ka tiego ya ditlhotlhomiso le gore mmu wa bone o seloko. O boletse fa ditlhabololo di eme fela ka gore motse ga gona kwa o golelang teng. Banni ba ngongoregile gape ka tlhaelo ya metsi. Bokhutlo
politics
7
Red Cross e akgolelwa thuso
Mokgatlho wa Red Cross o akgoletswe thuso ya potlako ka nako ya dibetso tsa tlholego kwa Zoroga. Modulasetilo wa komiti ya motse ya Red Cross kwa Zoroga, Rre Kesetselemang Thanke o supile fa lekalana le, le tswa kgakala le ba thusa fa ba wetswe ke seru, a supa gore bosheng ba amogetse dithuso tsa didirisiwa tsa mo lwapeng e bong dikobo, materase, melora, diemere, dikupu, diharaka, digarawe. O tlhalositse fa banni ba le lekgolo ba amogetse dilwana tseo. A re mo nakong ya gompieno ba Red Cross ba agela malwapa a a senang boroko matlo a nakwana mme ba setse ba kgonne go agela malwapa a le lesome le botlhano. A re ba thusa banni ka potlako gore ba kgone go nna fa go sireletsegileng go santse go batlwa tharabololo ya sennela ruri. O kopa Batswana le dikhamphane ka go farologana go thusa ba ba wetsweng ke seru ka puso e le nosi e se kake ya kgona. A re letlhoko le letona ke la boroko ka matlo a ole mme go sena kwa ba ka bonang madi teng gore ba age. Mongwe wa banni Mme Temogo Agha a re o itumetse thata go bo a abetswe dilwana tse a ka tsweledisang botshelo ka tsone morago ga gore a latlhegelwe ke tse dingwe ka nako ya dibetso tsa tlholego. O supile fa lemme le sa bolae go bolaya lefifi le gore ngwaga ono a sa bona thobo ntateng ya seru se se ba wetseng.
health
6
Kotsi e gapile botshelo jwa monna
Monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome mararo le botlhano le masome mane o tlhokafetse morago ga koloi e a nneng a tsamaya ka yone e pitikologe mo tseleng ya Ghanzi le D’kar ka Matlhatso ka nako ya bongwe motshegare. Mo potsolosong le BOPA, Superitedent Modiro Lekone a re monna yoo o ne a tswa kwa D’kar a ya Ghanzi fa kotsi e diragala a bolela fa a ne a ragosediwa kwa kokelong kwa ba bongaka ba neng ba rurufatsa fa a tlhokafetse. Superitedent Lekone a re moswi o ne a tsamaya ka koloi ya modiro wa Altezza mme o ne a latlhagelwa ke taolo mme ya pitikologa, a supa gape fa koloi eo e ne e nale mopagami yo mongwe yo e ne a robaditsweng kwa sepeteleng sa Ghanzi ka dikgobala mo leotong la molema le letsogo la molema. Rre Lekone a re moswi e ne e le mooki kwa kokelwaneng ya D’kar, a supa fa setopo se isitswe Gaborone go ya go tlhatlhobiwa ke ba bongaka, le gore leina la moswi le santse lobilwe go fitlhelela ba losika ba itsisiwa. O boletse fa kotsie, e le ya bobedi go diragala mo tseleng ya Ghanzi le D’kar fa mo kgaolong e le ya boraro, ka jalo a kopa bakgweetsi go o bamela matshwao a tsela go tila dikotsi, a gakolola gape fa tsela ya Ghanzi le Kuke le yone e tletse diphologolo ka jalo ba tshwanetse go nna keletlhoko fa ba e dirisa. O gakolotse bakgweetsi go dirisa mabantle a itshireletso fa ba kgweetsa ka dikotsi tse pedi tse di diragetseng motseleng eo bakgweetsi bao ka bobedi ba ne ba sa dirise mabantle ka gore dikoloi tseo di ne tsa ba kgwa. Mo kgannyeng tse dingwe a re ba tlhotlhomisa modiri wa lephata la dikgologelo yo o berekelang mo Ghanzi yo o fitlhetsweng ka setlhatsana se go belaesegang e le motokwane morago ga go mo tshwara mo maemelong a dibese tsa Setshaba. Bokhutlo
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Kereke ya Galalea e abela batlhoki
E ne ya re bosheng maloko a kereke ya Galalea go tswa mo mafelong a a farologaneng a lefatshe leno ba bo ba kgobakanetse kwa Tshidilamolomo go abela bana ba le lesome le boferabobedi ba masiela le ba bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong jaaka ba ba tshelang ka bogole gammogo le bagodi dikobo, melora le dijo. Fa a buisa baphuthegi bao, tona wa tsa meepo, kgotetso le metsi Rre Kitso Mokaila, o tlhalositse fa go aba e le selo se se botlhokwa se se ka tlisang pharologanyo mo botshelong jwa motho yo mongwe. Rre Mokaila o akgotse boeteledipele jwa kereke ya Galalea le maloko a yone, gore ba diragatsa lengwe la matshego a Tebelelo pele ya 2016, ya setshaba se se kutlwelo botlhoko e bile se kgathala ka matshelo a ba bangwe. Fa a akgela mo tshimolodisong ya kgwedi ya merapelo, o tlhalositse fa thapelo e le yone seikokotlelo sa botshelo, a tlatsa ka gore fa go senang thapelo e e lolameng teng, ga go na sepe se se ka robalelwang ke ditlhokwa. Rre Mokaila o kopile phuthego go tsaya boikarabelo mo go tsotlhe tse ba di dirang ka go ineela mo Modimong, ka jaana maikaelelo a go emisa kanamo ya malwetse jaaka HIV/AIDS le Ebola le dihawa tse dingwe e ka atlega, mme lefatshe le tlaa robalelwa ke ditlhokwa. O tladitse dimpho tseo ka dikobo di le masome a mabedi le mephuthelwana ya dijo. Fa a tswa la gagwe, raboipelego wa Barolong Farms, Rre Kgakgamatso Ditshego o tlhalositse fa kgaolo eo e na le batlhoki ba le mmalwa jalo a lebogela seabe se kereke e se ntshitseng. O ba kgothaditse go tswelela ka mowa oo wa go aba mo lefatsheng leno ka bophara.
religion_and_belief
8
Magodu a leruo a tlhakaladitse kwa Kang
Barui ba Kang mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone ba lela sa ga Ragele ka magodu a dikgomo a tsentse lesukuru, ba tswala masaka a bone ka matlhaku. Seo se builwe ke Kgosi Basadi Seipone mo potsolotsong le BOPA, jaaka a ne a tlhalosa fa ba tshwentswe ke go gola ga dipalo tsa bogodu jwa leruo, segolo bogolo dikgomo.. “Magodu ao, ga a utswe a tsaya fela. A utswa le motshegare letsatsi le penne,” ga tshwaela Kgosi Seipone. A re ba itemogetse gore dikgomo tseo, di utswiwa kwa letsheng mme se se ngomolang pelo ke gore magodu a mangwe ba di utswa fa gare ga motse fa tankeng ya sekole se segolwane sa Matsha, ka metsi a a tshologang foo, a oka leruo go tla go nwa. Kgosi o kaile fa monongwaga ofisi ya gagwe e amogetse dikgang di le mmalwa tsa bogodu jwa dikgomo mme tse dingwe di santse di tlhotlhomisiwa ke mapodisi. O tlhalositse fa banni ba ikaegile ka thuo, segolo bogolo ka dikgomo, a re dikeletso tsa barui di tlaa felela di phirimile mme go felele go amile le yone itsholelelo ya lefatshe. O ne a gakolola barua-kgomo le setshaba ka kakaretso go rekegela mokgosi wa mapodisi wa go tlhama mekgatlho ya ntebele ke go lebele, e le tsela ya go ka itepatepanya le seemo se. O ba kopile gore fa ba ka bona motho a gateletse dikgomo tse e seng tsa gagwe ba lome mapodisi tsebe ka bofefo. O ne a gakolola barui go tlhokomela leruo le go tshwaya le go tshuba leruo le santse le le lennye. A re ga ba a tshwanela go baya mo badiseng fela, ka bangwe ba bone ba sa ikanyegeng. BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
Seemo sa dipilisi se tlaa tokafala
Tona wa botsogo, Mme Dorcas Makgato, a re o tla a leka ka bojotlhe go tokafatsa seemo sa tlhaelo ya dipilisi tsa madi a matona mo dikokelong le dikokelwana. Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami bosheng, Mme Makgato o boletse fa kgang ya tlhaelo ya dipilisi e tshwenya fela thata mme e le nngwe ya dikgang tse di mo tafoleng ebile a di tsaya ka mashetla go bona tharabololo. Mme Makgato a re o lemogile fa go na le mofuta mongwe wa dipilisi tsa madi a matona o o nang le dingwaga tse dintsi o dirisiwa mo lefatsheng leno mme lefatshe ka bophara le sa tlhole le di dirisa. Ka jalo a re go nna thata gore lephata la gagwe le kgone go di reka kwa di dirwang teng ka e se gantsi di dirwa. Mme Makgato o boletse fa a ne a tsaya tshwetso ya go kopana le bagolwane ba bongaka mo lephateng la gagwe gore ba sekaseke gore a dipilisi tseo di ka se fetolwe mme tsa emisetswa ka tse di nang le motswako o o tshwanang le tse di ntseng di dirisiwa gore di kgone go bonwa motlhofo. A re o na le tumelo ya gore seemo sa dipilisi tsa madi a a kwa godimo se se tshwentseng thata se tla a tokafala. O tsweletse a re tshwetso e nngwe e a neng a e tsaya ke ya gore dikokelo ka bongwe ka bongwe di kgone go nna le madi a a kwa thoko a se kalokalo a go reka melemo kana dipilisi golo gongwe fa ba ka di bonang teng fa di fedile mme go santse go emetswe gore di rekiwe ka letlole le letona la theko. A re kgang eo e tla a thusa gore balwetsi ba kgone go bona melemo kana dipilisi le fa go santse go emetswe gore ba ba di rekang ka letlole la madi le letona ba kgone go di reka. Mme Makgato yo ebileng gape e le mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami o ne a itsise banni gape gore o ne a tsaya tshwetso ya gore dikokelo le dikokelwana di nne le madi a a ka baakanyang dikago fa di senyegile mme di sa senyega mo go kalokalo. A re go tlaabo go dirisiwa bana ba ba nang le boitseanape mo motseng go baakanya dikago go na le gore go tsewe tsela e telele ya go baakanya tshenyego le fa e ne e se kalokalo. O ne a rotloetsa setshaba go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa sone. A re puso e dirisa madi a mantsi mo malwetsing a a tsenang motho mme a sena dikai. O ne a rotloetsa banni go nna ba itlhatlhobela malwetsi a tshwana le jwa sukiri, kankere le jwa madi a matona. A re go a kgonagala gore molwetsi fa a na le bolwetsi jwa madi a a kwa godimo a kgone go tlogela dipilisi tse a neng a di dirisa fa a ka fokotsa mmele wa gagwe le go ja dijo tse lolameng. A re malwetsi a tshwana le jwa kankere a borai thata ka fa a setse a le mo legatong la bofelo go sena sepe se ba bongaka ba ka se dirang. O boletse fa lephata la gagwe le rotloetsa gore bolwetsi bo kganelwe go tsena motho go na le gore bo tsene moth obo bo bo alafiwa. BOKHUTLO
health
6
Bagwebi ba rotloediwa go thusanya
Mokhanselara wa Boyei kwa Maun, Rre Ntlogelang Kebonyekgotla, o ikuetse mo bagwebing ba ba tona go thusa ba ba botlana ka madi gore ba kgone go godisa dikgwebo tsa bone. O buile jalo ka letsatsi la ditshupo tsa bagwebi ba ba botlana kwa Maun. Rre Kebonyekgotla a re go botlhokwa go dira jalo gore ba kgone go intsha mo lehumeng le gone go tlhama mebereko. A re ba tsee malebela mo mo bankeng ya Banc ABC e e rotloeditseng ditshupo tseo ka P10 000 go thusa mogwebi yo o gaisitseng ba bangwe. A re dikgwebo dingwe ga di dire sentle ka ntlha ya go tlhoka thotloetso, ke ka moo a kopang tse di itshetletseng go tshwaragana le tse di fatlhogang gore di kgone go gola. Rre Kebonyekgotla o kopile ofisi ya boipelego go atolosa maeto kwa dikgwebong tseo, a tlhalosa fa bangwe ba ntse kwa malwapeng ba sa dire sepe ka go tlhoka kitso. O ba kopile gape go sekaseka thulaganyo ya go neela baikopedi dithuso, a re go lemosegile fa bangwe ba tlhaela mo tseleng. A re nako e tsile ya gore e le baemedi ba batho, ba tle ka melao le ditsamaiso tse disha tse di ka fetolang mananeo mangwe ka jaana moono e le go bona matshelo a batho a fetoga ka dipalo tse di nametsang. Rre Kebonyekgotla o ne a lebogela khansele go tshwara ditshupo tseo, a re go tlaa thusa bagwebi go nonotsha ipapatso ya bone. Mme Kahepere Kanou go tswa kwa Gumare, yo e neng e le mongwe wa bagwebi, o ne a leboga khansele go bo e mo thusitse ka lenaneo la go simolodisa kgwebo. Ene o thusitswe ka la go roka, mme o supile fa kgwebo e tsweletse sentle e bile a kgona go inosa metsi le gone go isa bana dikoleng. A re o kgonne go ikagela ntlo le go reka leruo. Le fa go ntse jalo, o boletse fa go tsamaisa kgwebo go se bonolo ka jaana kgwebo e tlhoka boineelo, botlhaga, bopelotelelele le lerato gore mong wa yone a fitlhelele ditoro tsa gagwe. Mme Kanou a re nako tse dingwe motho o ka kopana le dikgwetlho tse dikgolo mme se se botlhokwa ke go itebaganya le tsone go fitlhelela a di fenya. Mme Tlhaloganyang Gabanakgosi wa Maun, yo o thusitsweng ka go dira salon, o boletse fa le ene a gatetse pele ka jaana maduo a kgwebo a bonala. A re le ene o ikagetse ntlo le gone go atolosa kgwebo, mme a lebogela khansele kemo nokeng e ba e mo fileng. Mokwaledi wa khansele potlana ya Maun, Mme Mogomotsi Seemule o boletse fa maikaelelo magolo a ditshupo tseo e ne e le go kgobokanya bagwebi ba ba botlana gore ba ipapatse ba bo ba arogane maele a go tsamaisa kgwebo. A re bagwebi ba o ke ba ba thusistweng ka mananeo a puso mme ba ba kgobokantse jalo gore ba ikitsise setshaba, ba bo ba pakele ba ba iseng ba thusiswe gore mananeo a teng, ebile a ntsha maduo. Mme Seemule a re ba ne ba laletsa jalo ba dibanka le ba tsaya karolo ba bangwe ba makalana a a ikemetseng le a puso go tla go tlhatlhelela bagwebi ka dithuso tse ba ka di ba neelang.
economy_business_and_finance
3
Baeteledipele ba tshwanetse go tlotlwa
Bomme ba thapelo ba kereke ya Lontone ba gwetlhilwe go fa baeteledipele ba bone tlotla gore baeteledipele le bone ba tle ba ba neele tlotlo eo. Kgakololo eo, e dirilwe ke Moruti Patience Pheko wa Lontone kwa Ranaka bosheng jaaka a ne a rutuntsha bomme ka botlhokwa jwa boeteledipele mo bokopanong jwa kereke eo jwa bomme. Moruti Pheko o tlhaloseditse phuthego gore moeteledipele o tshwanetse go ithulaganya, a nne le boammaaruri le bopelokgale, a amogele batho botlhe ba a ba eteletseng pele ka tekatekanyo. O tlhalositse gore fa boeteledipele jwa kereke bo se komota kereke e ka tshabelelwa ke dihawa ka jaana tsamaiso e tlaa reketla. O ne a kgala boeteledipele jo bo se nang thulaganyo a re bokoa joo bo ka emisa ditiro tsa kereke mme a gwetlha phuthego go tsaya dikgato tse di maleba ka go mo seegela fa thoko. A re moeteledipele o tshwanetse go tsaya boikarabelo jo bo tletseng ka kereke e a e eteletseng pele ka go nna le tebelopele, a re mme seo se ka diragala fa a dirisana le maloko.
religion_and_belief
8
Maapeelo a Payless a jelwe ke molelo
Mapodisi a Mochudi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone maapeelo a Payless Supermakert a neng a sha a bo a lora ka Labotlhano(Phalane a tlhola lesome le borobabongwe). Mo potsolotsong, Assistant Superintendent Wazha Zambezi a re tiragalo e, e digaretse mo mosong Phalane a tlhola lesome le borobabongwe fa babereki ba bula marekisetso. A re e rile fa babereki ba santse ba le mo phuthegong, ba utlwa modumo wa go thunya ga sengwe go tswa ka fa maapeelong mme ba o tsibogela ka bofefo. O ne a tlhalosa fa badiri ba marekisetso a, ba ne ba thusa go tima molelo o ka setima molelo. Assistant Superintendent Zambezi a re molelo o ga go itsewe se o se bakileng mme o ne wa fisa sengwe le sengwe le fa o ne wa seka wa tsena ka ha marekisetsong magolo. A re ba lephata la ditimamolelo le ba sepodisi ba ne ba thusa mme maiteko a go falotsa dithoto a retela. A re le ntswa dithoto tsa boapeelo di shele ga gona kgobalo epe e ba e gatisitseng le ope yo botshelo jwa gagwe bo gapilweng ke tiragalo e. Assistant Superintendent Zambezi o ne a rotloetsa setshaba go nna kelotlhoko mo go sepe se se ka bakang molelo bogolo jang mo mantlwaneng a boapeelo.
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Dikotla motheo wa kgolo ya ngwana
Moitseanape wa dijo kwa lephateng la botsogo kwa Palapye, Mme Malebogo Ramaano, a re dijo tse di nang le dikotla di botlhokwa thata mo kgolong ya ngwana. Fa a bua mo potsolotsong morago ga thuto seka puisanyo ya go ruta ka tlhokomelo ya ngwana kwa Palapye bosheng, Mme Ramaano o boletse fa go ja dijo tse di nang le dikotla go se turu jaaka go ka solofelwa. A re ngwana o tshwanetse go ja dijo tse di nang le mefuta e meraro ya dikotla tse e leng dijo tse di agang mmele, tse di fang nonofo le tse di sireletsang mo malwetseng. O tlhalositse fa se, se ka dira gore ngwanaa a gole a itekanetse mo mmeleng le mo tlhaloganyong. O kaile gore go fa bana dijo tse di nontshang go ka felela go ba senya mmele, le gone go ba bakela malwetse a a sa tshelanweng jaaka ja sukiri le madi a matona. “Bana ba tshwanetse go rutwa go ja dijo tse di siametseng mebele ya bone le go ba fokoletsa tse ba di ratang thata tse di sukiri e ntsi. Ba tshwanetse go ja sukiri ya maungo ka gore yone e siametse botsogo jwa mmele,” Mme Ramaano a tlhalosa. Mo go tse dingwe, mooki wa balwetse ba tlhaloganyo kwa Palapye, Mme Kelebogile Montsho o kaile fa bana ba ba amilweng ke bolwetse joo ba tshwanetse go emelwa ka dinao ka mo dinakong tse dintsi ba sa itse tse ba di dirang. Mme Montsho a re go na le batsadi ba ba beileng bana fela mo thupeng, gona le gore ba ba ele tlhoko le gone go ba ithuta fa ba ntse ba gola. “Motsadi o tshwanetse go ipha nako a ithute ngwana wa gagwe a tle a kgone go mo laola le go mo gakolola fa go tlhokegang teng go na le go mmeletsa ruri fa a tlhoka tsebe. Dilo dingwe tsa bodidi jwa bana di dirwa ke ma lwetse mangwe a tlhaloganyo mo ngwaneng,” mooki a tlhalosa. BOKHUTLO
health
6
Dihakaboy o a iphataphatela
E re ka lefatshe la Botswana le agilwe ka go itirela, Batswana bangwe ba sa ntse ba tsweletse ka mowa oo. E rile fa puso e lemoga gore bontsi jwa Batswana ba eletsa go dira mme ga ba na ditsompelo, ya tla ka mananeo a a itebagantseng le go thusa ba ba eletsang go ikapola lehuma le gone go tokafatsa matshelo a bone. Lengwe la mananeo a a thusang Batswana kwa dikgaolong ke lenaneo la nyeletso lehuma. Le fa go ntse jalo, Batswana bangwe bone ba itirela fela ntle le dithuso dipe ka jaana ba rata se ba se dirang e bile ba ititeile sehuba gore ba tlaa dira ka natla go ntsha maduo mo ditirong tsa bone. Mo puisanong bosheng, monni wa Inalegolo, Rre Tsela Dihakaboy, wa dingwaga tse di masome a marataro le boraro, o supile fa a sa ipone tsapa ka a sa ntse a le majato e bile a dumela mo go itireleng ka diatla. Rre Dihakaboy o tlhalositse fa a tswa kgakala a suga matlalo go dira dikgole, ditlhako le mealo ya matlalo. “Ke godile ke bona bagolo ba suga matlalo, ka ke le motho yo o kelotlhoko, ke ne ka anywa botsipa jwa go suga ke sale monnye mme le gompieno ke ntse ke suga matlalo,” ga tlhalosa Rre Dihakaboy. O ne a supa fa a thusitswe ke ba kereke ya Lutere go mo isa ko sekoleng sa Rural Industries Innovation Centre (RIIC) go ya go oketsa botsipa jwa gagwe jwa go suga matlalo ka ngwaga wa 1997. A re o ithutile dibeke tse thataro mme e rile go fetseng ga gagwe, Kereke ya bowa seboaboane go mo thusa ka go mo rekela didirisiwa tsa go suga matlalo. Ba khansele ya Kgalagadi ka fa tlase ga lenaneo la Remote Area Development Programme (RADP) ba ne ba mo adima kago ya bone gore a simolole tiro ya gagwe. Rre Dihakaboy a re e rile mo ngwageng o o latelang a sena go fetsa dithuto tsa gagwe, a simolola kgwebo ya gagwe. O tlhalositse fa a ne a simolola go suga matlalo go dira ditlhako, dibeke tsa bomme, diaparo, diphate tsa Setswana, a re o tsaya matlalo a mo dintshong le mo manyalong. A re dilwana tsa gagwe di ne tsa bona theko e e botoka fela thata mo Inalegolo le metse e e mabapi. O tlhalositse fa go rekisa matlalo e le kgwebo e e nyatsegileng mme e na le dipoelo fela thata e bile o ka se lale le tlala. Rre Dihakaboy o tlhalositse fa disola tsa ditlhako di se motlhofo go bonwa mme se e nne kgwetlho mo tirong ya gagwe ga mmogo le go tlhoka botsogo dinako tse dingwe, kwa ntle ga moo kgwebo e tsamaya sentle. A re o rotloetsa Batswana bogolo jang banana go inaakanya le kgwebo. Le fa go ntse jalo a re e tlhoka bopelotelele le maikutlo a a iketlileng ka e tlhokana le go akanya mo go tseneletseng fa o dira ka matlalo e bile e batla o ikiteile sehuba. A re kgwebo ya matlalo fa e ka tlhabololwa e ka tlhama mebereko mo lefatsheng leno le gone go fokotsa go rekwa ga dilwana tsa matlalo kwa mafatsheng a sele, a re kgwebo ya matlalo e ka rotloetsa go dira ka diatla le go itirela mo Batswaneng. BOPA
economy_business_and_finance
3
Dirisang matshwao go latedisa leruo
Makhanselara a khansele ya Borwa a kopile puso go simolola go dirisa matshwao a a fitlhelwang mo leruong le le timetseng go latedisa beng ba lone ka jaana mong o a bo a ikwadisitse ka fa molaong gore a kgone go fiwa letshwao. Ba buile jalo mo phuthegong ee tsweletseng ya Khansele eo mo Kanye maabane ba akgela mo tekodisong ka Mothusa tona ya lephata la Dikgaolo le Tlhabololo ya Magae Mme Botlogile Tshireletso. Mme Tshireletso one a beile pele khansele eo molao kakanyetso wa matimela mme a kopa Makhanselara maikutlo go bopa molao oo. Bare fa morui a sena go ikkwadisa puso e abo e nale kitso ka botlalo gore mong wa tshipi o ka bonwa kae. Erile a ntsha la gagwe Mokhanselara wa kgotla yoo Ruele mo Kanye Rre Ben Lebogang are ofisi ya matimela ka jalo e tshwanetse go leletsa mong wa letshwao go tla go tsaya seruiwa sa gagwe fa se timetse gonale ka fa go diragalang ka teng gompieno. Rre Lebogang a tlatsa ka gore dikhansele di senya madimadi di tlhokomela matimela mme gongwe beng ba one ba sa itse kwa ba ka batlelang teng, are go dira jalo go ka ba ga fokoletsa dikhansele merwalo ka bangwe ba ka felela ba itlhaganelela go tsaya leruo la bone. Mokhanselara wa Moshupa Mme Ponatshego Tshiping le ene a tlhalosa fa go leletsa barui go ka fokolotsa puso ditshenyegelo. Are maiteko otlhe a tshwanetse go dirwa go kopana le morui go mo kopa go tla go tsaya seruiwa sa gagwe. Rre Mosimanegape Tshane ene one a kopa gore morui a letlelelwe go golola seruiwa sa gagwe fa aka tshokana a se fitlhela ka letsatsi la thekiso ya matimela pele ga se rekisiwa. Bontsi jwa Makhanselara gape bane ba dumalana gore matimela a tswelele a ntse a tshegeditswe ke dikhansele. Rre Mosekisi Rangobana ene o supile fa matimela a sa tlhokomelesege sentle mo dikhanseleng mo o ebileng o fitlhela a bopame mme a felele a rekiwa ka madi aa kwa tlase selo se a reng se a kokonela. O tlhalositse fa gole botlhokwa gore badisa ba matimela ba direlwe melawana ee faphegileng ya tiro eo gore ba kgone go fudisa leruo ba sa le kgaupetse. Are mo nakong ya gompieno ba felela ba tlhatlhela matimela go sale motshegare ba lebile nako ya go chaisa. Legale Rre Eric Chelenyane ene o kopile gore puso e ithole marapo a go tlhokomela matimela e e fe bagwebi ba ba ikemetseng ka jaana go a e imela. Are go dira jalo go ka direla dikhansele madi ka jaana matimela a tlaa tlhokomelesega mme a dire dipoelo ka nako ya thekiso.BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
Ba rotloediwa go tshwaraganela ditlhabololo
Lekoko le le ithaopileng go tsamaya le ditoropo le metse ka mabaka a go phutha megopolo mo banning ba Maunatlala ba ba direlang mo mafelong a a farologanyeng, le ne le ile go phutha megopolo kwa moepng wa Orapa ka Laboraro (Motsheganong). Lekoko leo le le eteletsweng pele ke mokhanselara wa Maunatlala, Mme Salome Lesole, ba ne ba lekodisa banni ba Maunatlala ba ba nnang kwa Toropong ya Orapa ka ditlhabololo tsa motse wa bone le tse di saletseng kwa morago. Mo go tse di kgonegileng, ba re ke tse di jaaka go agiwa le go bulwa ga motlobo wa dibuka,kagelelo ya masimo e e kopanetsweng,paakanyo ya tsamaiso ya khiro ya ipelegeng le tse dingwe. Le fa go ntse jalo,ba re go tla tlhokana le tshwaragano ya banni ba Maunatlala gore ditlhabololo tsa go nna jalo di kgone go ba sologela molemo. Ba tsweletse ba re le fa puso e kgonne go tsisa ditlhabololo dingwe mo motseng wa bone fela nnete ke gore ba lebanwe ke dikgwetlho tse dikgolo tse di tlhokanang le go tsibogelwa. Ba re motse wa Maunatlala o na tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso, letlhoko la motlakase mo diofising tsa kgotla tse e bile di tlhaelelwang ke bodiredi. Sengwe se gape ba buileng ka ga sone ke tlhaelo ya dipagamo tsa badirelapuso. Mokhanselara wa Maunatlala ,mme Salome Lesole, a re maikaelelo a lekoko la bone ke go rotloetsa banana ba Maunatlala go tsenya letsogo mo mererong ya ditlhabololo tsa motse wa bone,ka seo se ka ba thusa go tsoga ba ipelafatsa ka ditlhabololo tsa motse wa bone. Ka ntlha ya gore ditlhabololo di tlhaka tshwaragano ya batho ,o kopile banni ba Maunatlala go tshwaragana ba bo ba tsosolose mokgatlho o o kileng wa bo o le teng o bidiwa Tlhabologo Movement .A kopa gape gore ba ikgaphe mo lefufeng la selegae le a reng le kgoreletsa ditlhabololo. O tsweletse a re ba ya go tswelela ba tshwara bokopano jwa go nna jaana kwa mafelong ka go farologana ,ka gore banni ba ba direlang kwa mafelong a mangwe ba a bo ba seyo fa go bidiwa diphuthego tsa kgotla. Banni ba Maunatlala ba ba direlang kwa moepong wa Orapa ba itumeletse lekoko leo go bo le iphile matsapa a go tsamaya le kopa megopolo ka fa ba ka tlhabololang motse wa bone ka teng. Ba re seo ke sesupo sa gore bogogi jwa motse bo kgatlhegela go amogana maano a ditlhabololo le bone, ka e bile ga twe kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa. Ba supile mo bokopanong joo gore ba tla simolola go nna le seabe mo mererong ya ditlhabololo tsa motse wa bone e bile ba tla leka go kokoanya madi a a tlaa thusang mo ditlhabololong Ba re bokopano jo bo ba thusitse gore ba itsane ka jaana ba ntse ba nna mo Orapa ba sa itsane gore ke batho ba motse o le mongwe. Lekoko le o le akaretsa mokhanselara wa Maunatlala ,Mothusa modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Maunatlala Rre Gobusamang Kobe,modulasitilo wa komiti ya ditshupo Tswapong Patrick Tseleng le moanamisa mafoko wa komiti ya dithupo rre Bonang Mafoko.
politics
7
Gakuto o a tlhabologa
Kgosi Abdul Letlamma wa Gakuto a re o lebogela ditlhabololo tse di tsweletseng ka go tla mo motseng wa gagwe ga mmogo le mananeo a banana. O buile jaana mo potsolosong le BOPA, a tlhalosa fa mananeo a banana, bogolo jang a go rua dipodi a atlegile thata ka jaana banana bangwe ba simolotse go rekisetsa ba bangwe mme ba bone dipoelo. A re motse wa gagwe le one o tsweletse ka go golela mo ditlhabololong ka jaana ba abela batho ditsha tse di segetsweng ruri. Le fa go ntse jalo, gosi a re kabo ya ditsha e santse e saletse morago ka jaana ba santse ba baya batho ba ba ikopetseng ditsha ka 2008. Kgosi o senotse gore bothata bo bakilwe ke gore mong wa tshimo nngwe o ne a re ga a a duelwa mme peo ya emisiwa go santse go rarabololwa kgang eo. Kgosi o tlhalositse fa kgang e e sa mo jese diwelang ka e ba diela ditlhabololo gonne ditlhabololo di tla mo motseng o o godileng. O lebogile ba khamphani ya motlakase go bo ba weditse tiro e ba e simolotseng ngogola ya go atolosa motlakase mo motseng. Kgosi o tsweletse a leboga khansele ka go gopa ditsela tse di mo motseng le go di nywaanywaa ka metsi go timola lerole. Rre Letlamma a re ba santse ba tshwenngwa ke letlhoko la metsi mme ba solofela fa seemo se tlaa tokafala mo bogaufing ka ba kile ba nna le morero le Water Utilities. A re ba santse ba dirisa mealo ya dipompo tse di ka fa tlase ga lefatshe, tse e neng e le tsa khansele tsa bogologolo. A re ba belaela e le tsone tse di dirang gore ba nne le mathata a metsi. O tsweletse a bolela fa Water Utilities e ba siela metsi ka dilori. Rre Letlamma o lebogetse banni go bo ba itshwere sentle ka jaana borukutlhi bo santse bo le kwa tlase. BOPA
politics
7
Ba kopiwa go ema kgosi nokeng
Molaodi wa kgaolo potlana ya Palapye, Mme Veronica Rabakane o kopile dikgosi kwa Tswapong go ema nokeng moemedi wa bone wa ntlo ya dikgosi yo mosha, Kgosi Galeakanye Modise wa Sefhare. Fa a bua mo potsolotsong, Mme Rabakane o boletse fa go le maleba gore dikgosi ka go farologana di eme yo ba mo tlhophileng nokeng gore a dire tiro ya gagwe ka botswapelo. O boletse fa Kgosi Modise a tsaya mo go Kgosi Sello Moroka wa Lerala. Mo ditlhophong tseo, tse di neng di tshwaretswe kwa Lerala, go ne go gaisana dikgosi di le tlhano e leng Rre Bokopano Koodibetse, Sello Moroka, Balebetse Moloko, Obert Thutlwa mme Rre Modise a bona batlhophi ba bantsi go feta ba bangwe. Le fa go ntse jalo, Mme Rabakane o tlhalositse fa ditlhopho tseo di ne di tsamaya sentle mme botlhe ba ba neng ba eme ba amogetse maduo ba bo ba solofetsa fa ba tla a ema yo ba mo tlhophileng nokeng. BOKHUTLO
society
9
Mogolwane o kopa balemi go rekisa kwa BAMB
Mogolwane wa Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB), Rre Edson Woto o gwetlhile balemi ba kgaolo potlana ya Tutume go rekisa thobo ya bone kwa BAMB. Rre Woto o buile jalo mo thuto-puisanyong le balemi kwa Tutume ka Labone. O ne a tlhalosa fa marekisetso a BAMB a diretswe bone morago ga go lemoga fa ba sena kwa ba rekisang thobo ya bone teng. A re go bo dikoporase tseo di tswetswe ka bontsi ke ka lebaka la gore balemi ba ne ba sa di dirise ebile bangwe ba reka kwa mafatsheng a sele, mokgwa o a supileng o sa siama ka Batswana ba tshwanetse go godisa itsholelo ya bone ka go reka dijo tse di mono. A re gape ba itse gore koporase eo ke ya bone e le balemi ga se ya puso ka jalo fa bas a e dirise ba bob a itlhaba ka thipa mpeng, ka ditlamorago morago ga go phutlhama ga yone go a ba ama. Rre Woto o ile a kopa balemi bao go tlhoafalela temo,a re temo e a busetsa ka jalo ba tshwanetse ba ikaega ka temo ba lema mo go tla ba busetsang,ba tlogele mokgwa wa go ipitsa balemi ba ba botlana.Gape a ba rotloetsa go sala morago ditaelo tsa balemi tsa go lema ka ditselana. O ile a kopa ba komiti ya balemi go nna ba abelana le balemi ba bangwe dikitso tse ba tswang go di ajwa kwa mafelong a mangwe. A gatelela ka gore mokgwa wa go epeela kitso o sa abelane le ba bangwe ga o kake wa ba isa gope,selo se a kaileng fa Batswana ba bolawa ke lefufa. Fa a tswelela,o ne a ba kopa go dirisa sebaka sa bone go ikopela masimo kwa Dukwi nako e a tlaabo a abiwa. Batsena dithuto-puisanyo tseo ba ile ba leboga kitso le lesedi le ba le tsereng mo dithutong tseo,ba supa fa ba ntse bas a itse fa BAMB e le ya bone e le balemi,ba re jaanong ba lemogile seo le botlhokwa ja yone. Bangwe ba ne ba ngongoregela ditlhwatlhwa tse koporase eo e rekang thobo ya bone ka teng,ba supa fa beng ba ditshilo ba reka thata gona le bone. Rre Lenyatso Gobela o ne a ngongorega ka tsamaiso e e tla dirwang go abela batho masimo kwa Dukwi,a re gore ba phadisanye le batswakwa go tla baya Batswana ka fa mosing ka ba sena itsholelo e e kalo. Rre Gobe o ne gape a supa matshwenyego a go tlhoka go thusiwa ke dibanka fa dingwaga tsa gago di feta masome marataro,a re seo se ba paledisa go tsweledisa temo ka gab a na madi a ka tlhabololang lefatshe le go reka di dirisiwa tsa temo ka one
economy_business_and_finance
3
Kgalagadi o tla agelwa matlhabelo
Banni ba Tsabong ba boleletswe gore go tlaa agiwa matlhabelo a kgaolo ya Kgalagadi mo motseng wa bone. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla ka Laboraro , mogolwane go tswa kwa lephateng la matlhoko a leruo, Rre Samuel Ditiragalo a bolela fa matlhabelo ao a tla a dirisiwa ke banni ba kgaolo ya Kgalagadi ka bophara ka go lemosegile fa e le yone e nang le diruiwa tse dintsi bogolo jang dihutshane. A re puso e tsere tshwetso ya go aga matlhabelo a a tlaa tlhabang diruiwa di akaretsa ditonki, dikolobe le diphologolo tsa naga kwa ntle ga dikoko fela. Rre Ditiragalo o tlhalositse fa matlhabelo ao a seemo se se fa gare a tlaa bo a kgona go tlhaba diruiwa di le masome a matlhano ka beke e bile go na le fa go kgaolelwang nama teng gammogo le fa go omelediwang matlalo teng gore ba ba batlang go a reka ba a fitlhele a le mo seemong se se siameng. A re e tlaa re matlhabelo a sena go agiwa, khansele ya Tsabong e tshwaragane le morafe go tsaya tshwetso ya gore a tsamaisiwa jang, mme a tlhalosa fa go le mo maruding a morafe gore o hirisetsa kompone kgotsa mogwebi mongwe. Rre Ditiragalo a re se se botlhokwa ka gore ga ba batle matlhabelo ao a tsamaisiwa ke khansele ka go supegile fa dikhansele tse di nang le matlhabelo di sa a tsamaise sentle e bile a sa dire dipoelo. O kopile morafe go tlhokomela matlhabelo ao gore ba tle ba kgone go dira dipoelo tse di tlaa dirisiwang go a tsamaisa. O tlhalositse gore tiro e tona ya khansele ke go netefatsa gore lefelo, metsi le motlakase di nna teng. Banni ba itumeletse tshwetso ya go agelwa matlhabelo ba bo ba tlhalosa fa ba solofela a tlaa ba tlhamela ditiro mme e bile a tlaa ba rotloetsa go tlhokomela leruo la bone le gone go ba fokoletsa mosepele le ditshenyegelo tsa go isa diruiwa tsa bone kwa bokgakaleng jwa bo Lobatse le mafelo a mangwe. Mongwe wa barui, Rre Sejakgomo Sejakgomo o ne a batla go itse gore kago e solofetswe go simolola leng le gore a go dirilwe tshekatsheko ya ditlamorago tsa tiro eo. Mme Edna Podise ene o kopile gore go bulwe fa matlalo a tlaa direlwang teng go oketsa diphatlha tsa mebereko gonne go tlaa bo go bolawa diruiwa tse dintsi. Rre Victor Senome yo o direlang kompone ya HERBCO Technical Services e e dirang le tsa tshekatsheko ya tikologo, o tlhalositse gore tiro ya go aga ke gone jaaka e simolotse fa ba ntse ba tsamaya ba tsaya maikutlo a morafe jaana. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Emisang go latlha dipilisi - Diau
Kgosana Motswaodi Diau wa Makwate mo kgaolong-potlana ya Mahalapye o kgothaditse banni ba motse wa gagwe go tsaya botsogo jwa bone ka tlhwaafalo. O ba rotloeditse go nwa dipilisi sentle jaaka ba laetswe ke ba bongaka. Kgosi Diau o buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe ke ba botsogo bosheng. O ne a ngongorega ka batho ba ba tsweletseng ka go latlha dipilisi, a tlatsa ka gore puso e dirisa madi a mantsi go reka melemo ya malwetse. A re boeteledipele jwa metse bo tshwanetse go ema puso nokeng go ka gakolola setshaba ka malwetse. A re puso e rata batho ba yone fela thata ke ka moo e neng ya ema ka dinao go batlela setshaba dipilisi tse di ritibatsang mogare ga mmogo le malwetse a mangwe. Kgosi Diau a re go tsaya kgato moo go ne ga fokotsa dipalo tsa batho ba ba neng ba tlhokafala ka ntlha ya bolwetse jo. A re go maswabi gore bangwe mo nakong ya gampieno ba bo sa ntse ba tlhokafala ka ntlha ya go itirela botsotsi jwa go tlhoka go tsaya kalafi sentle. O ba kopile go emisa nnotagi gore dipilisi di tle di bereke sentle ka fa go tshwanetseng ka teng go lwantsha bolwetse mo mmeleng,a tlatsa ka gore bojalwa le dipilisi ga di a tshwanela go pataganngwa ka seo se le borai. E re go le jalo, a re lefatshe la Botswana le dirisa madi a mantsi go lwantsha malwetse a pelo le a go tlhoka go ja sentle ka jalo a kopa banni go ja dijo tse di siametseng mebele ya bone ka dinako tsotlhe. Fa a tswa la gagwe, mogolowane wa kokelo ya Makwate, Rre Gaedupe Sebolokelo fela jaaka Kgosi Diau a re o tshwenngwa ke batho bangwe ba ba sa tseyeng kalafi sentle. O ne a kgala ba ba latlhang dipilisi a supa fa go dira jalo e le molato o mo tona,a tlatsa ka gore gape ke go senya madi a puso a a neng a ka dirisiwa go tlhabolola lefatshe. Go sa ntse go le jalo,o boletse fa malwetse a dikobo a tshwenya thata mo motseng oo mme a kopa banni go ikelatlhoko. O ne a kgothatsa banni go etela kokelo ya bone go tsaya dikhondomo gore ba itshireletse mo malwetseng ka go farologana. O ba kopile go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS nako e sa ntse e le teng,a tlatsa ka gore malatsi ano puso e tsisitse ditlamelo kwa bathong ga go tlhoke gore motho a tseye loeto go ya Mahalapye go dira ditlhatlhobo,a supa fa sengwe le sengwe se dirwa mo dikokelong. A re o kopa banana botlhe ba ba iseng ba amiwe ke malwetse a dikobo go ikgapha mo tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang kana go ikgapha gotlhelele kana ba nne le mokapelo a le mongwe. O tsweletse a gakolola banana go etela makalana a botsogo a tshwana le la Tebelopele Testing Centre le dikokelwana tse di gaufi le bone go tsaya bogakolodi jo bo nonofileng mabapi le botsogo mo baitseanapeng. Rre Sebolokelo a re o rotloetsa banni ba Makwate go tsibogela dikai tse ba sa di tlwaelang mo mebeleng ya bone ka go dira jalo go ka thusa go lemoga bolwetse bo sa le bosha mme motho a tseye kgato e e tshwanetseng. BOKHUTLO
health
6
Tiriso ya metsi a a leswe e ka solegela dikole molemo
Ba lephata la thuto ba rotloeditswe go anamisa lenaneo la tiriso ya metsi a a leswe la Grey Water mo dikoleng ka le ka ba thusa go somarela metsi. Mothusa mokwaledi wa lephata la meepo, kgotetso le metsi, Rre Macheng Macheng o buile jaana fa a ne a rolela ba lephata la thuto mmogo le sekole sa Motsumi JSS lenaneo la Grey Water kwa Letlhakane bosheng. Rre Macheng a re ba tshwenngwa ke tlhaelo ya metsi mo lefatsheng leno ka ntata ya dipula tse di boutsana. Le fa go ntse jalo, a re tshenyo ya metsi e kwa godimo mo dikoleng le mo makalaneng a mangwe, a tlatsa ka go re Botswana jaaka lefatshe le le tlhabologang, le tlhokana le metsi a mantsi go dira ditlhabololo. O supile fa lenaneo la Grey Water la sekole se segolwane sa Motsumi le weditswe ka 2011, e le tsela nngwe ya go fokotsa tiriso ya metsi a a phepa. Rre Macheng a re gore ba kgone go ntsha metsi a a lekaneng go tlhoka gore ba lephata la metsi ba eme ka dinao, mmogo le kemo nokeng ya ba-na-le seabe botlhe le setshaba ka kakaretso, a tlatsa ka gore selekanyo sa metsi a a tlhokegang ke 221 million cubic metres ka ngwaga, se go solofetsweng gore se ye kwa godimo ka 225 million cubic metres ka 2016. O ne a rotloetsa dikole tse dingwe go tsaya malebela mo lenaneong la sekole sa Motsumi la Grey Water, le ka lone ba ka fokotsang madimadi a ba a dirisang go duela metsi mo dikoleng. Rre Macheng a re ga ba a dira lenaneo la go tlhatswa metsi a a leswe fela mo Motsumi, mme ba dirile le lenaneo la go somarela metsi a pula kwa sekoleng sa Our Lady kwa Fracistown, Shoshong le kwa lephateng la metsi kwa Gaborone le mo mafelong a mangwe. A re lephata la thuto le tlhabololo dikitso jaaka badirisi ba metsi, ke ba-na-le seabe ba ba botlhokwa ka jaana ba ka atolosa kitso ya tiriso ya metsi le tshomarelo mo baneng ba sa ntse ba le bannye, ka jaana e le bone bokamoso jwa lefatshe leno. E rile a tswa la gagwe, mogolwane mo lephateng la thuto, Mme Neo Morolong a supa fa lenaneo la Grey Water la Motsumi le lekeleditswe jaanong le tshwanetse go tshephiwa ka le ntsha maduo fa e sale le simolodisiwa ka 2011. Mme Morolong a re metsi a a dirisiwang mo lenaneong le ke metsi a a tswang kwa matlong a botlhapelo kwa matlong a bana a borobalo, a tlatsa ka gore ba batla go tsena mo legatong le lengwe la gore metsi a a kgone go dirisiwa go tlhapa gape. A re ba ikaelela go atolosetsa lenaneo le kwa dikoleng tse dingwe, bogolo jang tse baithuti ba nnang mo go tsone ka jaana ba lemogile gore lenaneo la teng le ka thusa go somarela metsi. Mme Morolong a re nako e tsile ya gore setshaba se amogele tiriso ya metsi a a leswe, a kopa ba sekole sa Motsumi go dirisa lenaneo le gore ba tle ba bone maduo a lone le pharologanyo e le e dirang. Bokhutlo
education
4
Kereke ya Sabata e rera tsholofelo
E rile bosheng dikereke tsa Sabata kwa Mahalapye tsa kopanela kwa kerekeng e tona ya Mahalapye Central go ipela le go amogela maloko a masha. Fa a amogela batho ba ba neng ba kolobediwa, Moruti Phillimon Aramando, o tlhalositse fa tshwetso e ba e tsereng ya go neela Modimo matshelo a bone e le botlhokwa mme e bile e itumedisitse le ene Modimo ka sebele. A re mo nakong eno lefatshe le tobekane, maitsholo a banana a makgaphila, go na le malwetse a a sa laolesegeng e bile a sena kalafi, go na le dipolaano tse di setlhogo tsa batho ba ipitsa baratani jalo batho ba latlhegetswe ke tsholofelo. O gwetlhile barapedi bao go lebelela kwa go Jesu ka e ele ene fela a ka ba nayang tsholofelo e bile a tsisa tharabololo ya mathata a a bosula a a mo lefatsheng. A re kereke ya Sabata e ikaeletse go rera mafoko a a molemo le go tsibosa motse wa Mahalapye ka bogosi jo bo tlang jwa legodimo le gore ba kgone go bo iketleeletsa. O tsweletse a tlhalosa fa ba simolotse go abelana mafoko a molemo le ba sepodise le ba poso mo Mahalapye mme ba dira jalo gape mo dikoleng dingwe kwa ba kopanang le baithuti ba ba lebileng go kwala ditlhatlhobo go ba rapelela le go ba ama ka lefoko la Modimo. Fa a ema maloko a masha ka lefoko morago ga kolobetso, mogolwane mo kerekeng ya Sabata Rre Joram Ndaba o ba gwetlhile gore e re jaaka ba inotswe mo molelong o o fisang, ba atle phetogo mo matshelong a bone mme ba e tshegetse go fitlha Keresete a ba fitlhela ba ntse ba tshegeditse tumelo. BOKHUTLO
religion_and_belief
8
Bogodu jwa leruo bo a tshwenya
Mookamedi wa mapodisi a Maun o boletse fa bogodu jwa leruo bo sa ba jese di welang mo kgaolong ya gagwe. Superintendent Kenanao Badumetse o tlhalositse mo potsolotsong fa ba sa jesiwe di welang ke dikgang tse beng ba diruiwa ba di tshololang, fa babelaelwa ba sena go tshwarwa. A re ba tsholola dikgang ka mabaka a gore babelaelwa e a bo e le ba masika a bangongoregi, kana ba itsane ntswa ba ne ba ikuetse pele, a supa fa seemo seo se oketsa borukutlhi jwa go utswa leruo. Supt Badumetse o supile gape fa koketsego ya theko ya dikgomo kwa masimo le meraka ke bo radikgwebo tsa nama le yone e na le seabe mo go rotloetseng bogodu jwa leruo ka ba reka fela ba sa tlhomamise gore a dikgomo di a bo di kwadisitswe ka fa molaong le gone gore a di tlhatlhobetswe malwetse ke ba matlhoko a leruo. O tlhalositse gape gore ga go na tirisanyo mmogo mo go lwantsheng bogodu jwa leruo mo kgaolong ya gagwe ka leruo la batho le a nyelela mme bangwe ba le bone, mme ba seke ba itsise mapodisi. Supt Badumetse o gakolotse Batswana go tlhokomela leruo la bone, le gone go tshwaya le go tshuba leruo le setse le le le nnye, a re ga ba a tshwanela go baya mo badiseng ka bangwe ba bone ba se boikanyego.
crime_law_and_justice
1
Banni ba itumeletse ditlhabololo
Banni ba Lentsweletau mo kgaolong ya Kweneng ba lebogetse puso ka go dira ditlhabololo kwa motseng wa bone ga mmogo le go tokafatsa itsholelo ya bone. Fa a bua mo potsolotsong le Kgosi Motswakhumo a re ditlhabololo tseo di tsile ka nako e e siamemg ka motse o ntse o lebaganwe ke letlhoko la matlo a bodiredi. O tlhalositse gore mo dingwageng tse di fetileng motse o ne o aperwe ke letlhoko la boroko la badirela puso. A re badiri botlhe ba ba neng ba na le mathata a letlhoko la boroko ba ne ba patelesega go tsoga kwa mafelong a a kgakala, ka jalo ba tsamaya sekgala se seleele go ya tirong. A re seo se ne se nna le seabe mo go tlhokeng go ntsha maduo kwa tirong. Kgosi a re e bile o solofela gore kago eo ya matlo e tlaa nna le seabe se segolo mo go tsiseng ditlhabololo di tshwana le metsi le motlakase kwa kgaolong ya Boseja. A re kgaolo eo ga e na motlakase e bile le metsi a boutsana. A re go baakanngwa ga ditsela tse di ralalang motse ke nngwe ya ditlhabololo tse a di lebogelang. A re seemo sa ditsela tse di fa gare ga motse se ne se le maswe, segolo jang fa dipula di na. O tlhalositse gore ditsela tseo gape di na le dikhuti tse di maswe e bile di baka dikotsi tsa tsela. A re ka bakgweetsi ba bangwe ba ne ba se kelotlhoko, ba ne ba tsamaya ka lebelo le le kwa godimo mme seo se bake dikotsi ga mmogo le go oketsa dikhuti tseo. Kgosi Motswakhumo o ne a leboga puso ka go baakanngwa ga dikago tsa maobo a dikgotlana di le pedi kwa kgaolong ya Boseja. A re dikgotlana tseo di ne di se mo seemong se se kgatlhisang, ka jalo go baakanngwa ga tsone go tlaa di busetsa mo seemo se se maleba le go di fa ditebego tsa gore ka nnete ke maobo a kgotla. A re ditlhabololo tseo gape di nnile le seabe se segolo mo go tlhameleng banana ditiro ba le bantsi. O tlhalositse gore fa e sale ditlhabololo tseo di simolola go dirwa ngogola, dipalo tsa banana ba ba neng ba bereka Ipelegeng di ole. A re le banana ba ba neng ba sa bereke Ipelegeng mme ba nna mo malwapeng ba sa dire sepe, ba bone ditiro mo ditlhabololong tseo. Ka jalo a re o dumela gore ditlhabololo tseo di fokoditse letlhoko la ditiro mo motseng. Kgosi Motswakhumo a re ntswa a itumeletse ditlhabololo tseo, o ngongorega ka seemo sa tsela ya Lentsweletau-Molepolole. A re ka Lentsweletau e le motse o o santseng o gola, ba patelesega go latela ditirelo dingwe kwa Molepolole. Ka jalo ba tsamaya sekgala se seleele go ya Molepolole ka ba patelesega go dirisa tsela ya Lentsweletau-Metsimotlhabe.
politics
7
Ba ngogoregela ditlamelo
Banni ba Nata ba boletse fa ba sa itumedisiwe ke seemo sa kokelwana ya bone ba tlhalosa fa se se dira gore ba seka ba bona dithuso tse di maleba le go thusiwa ka nako.
 Fa a tlhalosa moono wa letsatsi la Botsogo Pitso le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa Nata bosheng, mothusa mogolwane kwa kokelong ya Gweta, Rre Issac Seledi o ne a supa fa ba bone go tshwanela gore ba tle go buisana le banni ba motse go utlwa matshwenyego a bone fa ba ile go tsaya dithuso ko kokelwaneng le go tsaya megopolo e e ka dirisiwang go tlokafatsa seemo sa kokelwana. A re se se tla ba thusa ele bagolwane go bona gore go ka tokafadiwa fa kae gore batho ba kgone go bona dithuso tse di siameng. O ne a ba kopa go bua sepe fela se ba se bonang se sa dirwe sentle le gore se ka baakanngwa jang.
Mme Galebowe Kgakololo o ne a akgela ka go supa fa ba kgona go tsewa madi mme morago ba sa fiwe maduo le fa ele tlhaloso ka se se diragetseng. O ne a tswelela ka go bua fa kokelwana ele leswe fela thata e bile go bereka ntwana ya boiteketso ele nngwe. A re baoki ba bangwe ga ba dirisanye sentle le bone ka ba kgona go nna lebaka go sena yo o ba thusang ba sa bolelelwe gore mathata ke eng.Mme Kgakololo o ne a tswelela ka go supa fa dikago tsa kokelwana di se mo seemong se se siametsweng go ka dirisiwa. O ne a kopa banni go nna le mowa wa bopelotlhomogi ka go letelela bagodi, bana le bogole le bomme ba ba itsholofetseng go ka bona thuso pele a re se se supa botho le go ratana mo motseng.
 Banni ba ne ba tswelela ka go tlhalosa fa balwetsi ba robadiwa mo ntlong ele nngwe mme mo go sa ba itumedise. Ba ne ba supa fa bodiredi jwa kokelwana bo sa lekane go ka thusa batho botlhe ba motse ba kopa gore go thapiwe bangwe go thusa. Ba ne ba kopa gore balwetsi ba ba gateletsweng ba isiwe kwa sepateleng sa Tutume e seng kwa Gweta gore fa seemo se sa tokafale ba kgone go isiwa kwa sepateleng sa Nyangagwe. 
Rre Seledi o ne a leboga banni go bo ba buile matshwenyego a bone a ba tlhalosetsa fa ba tla leka ka thata go bona gore batho ba bona dithuso le ditlamelo tse di lolameng. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa go tla agiwa kokelwana e e tla akaretsang mantlo a babereke. Rre Seledi o boletse fa molwetsi a na le tshwanelo ya go fiwa tlhaloso fa a sa itumelele thuso e a e fiwang le go ikuela kwa bogogeng jwa kokelwana. O ne a rotloetsa babereke ka ene go thusa setshaba ka lorato nako tsotlhe. O ne a bua fa bolwetsi jwa motho ele sephiri a kopa banni go lesa go tsamaya ba bua ka malwetsi a ba bangwe. O ne a ba kopa go tswelela ba dirisanya mmogo le bodiredi jwa kokelwana.
health
6
Dikgoreletsi tse di kgobang marapo di tlaa tlosiwa
Ditsetlana dingwe tse di ntseng di kgoreletsa bagwebi ba mafatshe a sele mo Botswana di tlaa ntshiwa gore ba wele dibete fa ba le mono. Se se builwe ke tona wa merero ya setshaba, mesepele le bong, Mme Dorcas Makgato kwa diphuthegong tsa kgotla kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami bosheng. A re bagwebi ba nna le letshogo ka ba sa itse gore e tlaa re morago ga ngwaga tse tlhano ba bo ba le fa kae. Mme Makgato a re go tlaa baakanngwa tsetlana e gore mogwebi yo o ntseng a gweba mono e bile a itsewe, a fiwe tetla ya go nnela ruri mo lefatsheng leno go na le gore morago ga ngwaga tse tlhano a bo a kopa go nna mo lefatsheng leno. A re mogwebi yo e leng gone a dirang kgwebo mono, o tlaa kanokwa mme le ene a fiwe tetla ya go nna mo lefatsheng leno. Batswana a re ba seka ba tsenwa ke tsebetsebe ka gore go tlaa salwa molao morago e bile go tlaa dirwa tse di maleba. Kgang e nngwe e e tlaa tsibogelwang a re ke nako e e tsewang go kopa go nna mo lefatsheng leno ke bagwebi. A re go tlaa fokodiwa dikgwedi gore mogwebi a seka a itlhoboga. Mme Makgato a re diphetogo tse, di tlaa thusa go ngoka bagwebi go tla mono ba sa tshabe sepe gore ba direle Batswana ditiro. A re diphetogo tse di tlaa dirwang, di tlaa dirwa go setswe ditsamaiso morago. A re ke dingwe tsa dikgoreletsi tse di ntseng di kgoba bagwebi kana babeeletsi marapo go gweba mono. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Thekiso ya bojalwa e tshwarisa mosadi
Mapodise a Tati-town a tshegeditse mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome mane le borobabongwe mabapi le go rekisa bojalwa mo koloing a se na teseletso. Mo potsolotsong , mookamela mapodise ao, Superintendent Cyprian Magalela a re ba ne ba tshwara mme mongwe ka go rekisa a se na teseletso. Supt Magalela a re fa ba ntse ba tsweletse ba phuruphutsha mme yoo, ba ne ba fitlhela gape a na le setlhatshana se se belaesegang e le motokwane. O tlhalositse gore setlhatshana seo se tlaa isiwa go ya go tlhatlhojwa. Supt Magalela a re ba ne ba tshwara banna ba le bararo ba ba neng ba nwela bojalwa mo lefelong le le sa letlelelweng. Mookamela mapodise a Gerald Estates, Supt Masego Mathitha ene o boletse fa e ne ya re Sedimonthole a le masome mabedi le borobabobedi ga nna le kotsi ya koloi ya kara e e gapileng matshelo a batho ba le babedi, e bong mme yo o dingwaga tse di masome mabedi le boraro le rre yo o dingwaga tse di masome mabedi le bongwe. Supt Mathitha a re bapagami ba ne ba le bane, go balelwa le mokgweetsi, mme a tlatsa ka go re ba le babedi ba robaditswe kwa Nyangagbwe mme ba a sidilega. E re dikgang di eme jalo, mookamela mapodise a Matsiloje, Supt Obert Manji o boletse fa e ne ya re ka letsatsi la ngwaga o mosha maitseboa, lekawana lengwe la tlhajwa ka sengwe se se bogale mo sehubeng. Supt Manji a re lekawana leo la dingwaga tse di masome mabedi le botlhano le robaditswe kwa kokelong ya Nyangagbwe mo Francistown mme o a sidilega. Le fa go ntse jalo, baokamedi ba mapodise ka go farologana mo Francistown ba akgoletse beng ba marekisetso a bojalwa go obamela melao ga mmogo le Batswana kakaretso ka tirisanyo mmogo e ntle. Bokhutlo
crime_law_and_justice
1
Ditsela ga di mo ditogamaanong
Mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Biggie Butale o tlhaloseditse banni ba Sechele fa tsela e e gokaganyang Hubona le Letsholathebe e sa akarediwa mo lenaneong la ditlogamaano tsa ditlhabololo la NDP 11. Rre Butale, yo gape e leng mothusa tona ya botsogo le boitekanelo, o kopile banni ba Sechele go thulanya ditlhogo go tla ka maano go bona gore ba ka lwantsha seemo jang. Fa a araba dilelo tsa bone, mothusa tona a re fela jaaka go dirilwe tsela ya Matenge, le bone ba ka dirisa bontlha bongwe jwa madi a bone a ba a abetsweng go tlhabolola dikgaolwana, go reka ditena le didirisiwa tse di tlhokegang go itirela tsela. A re e re ka tsela ya bone e ka se ke e dirwe mo bagautshwaneng jaaka ba eleditse, ba lebisise mogopolo oo thata ka e le one fela o ka ba tswang thuso mo nakong eno. E rile a buisa phuthego ya kgotla, Rre Butale a re le ntswa seemo sa ditsela tseo se ngomola pelo, ba tlaa nna ba se beile leitlho gore gongwe e tlaa re mo ngwageng tse pedi tse di tlang, fa go dirwa tshekatsheko ya bogare jwa ditlhabololo e tlaa akarediwa kana gongwe fa seo se ka retela, e ka akanyediwa mo ditogamaanong tsa ditlhabololo tsa lenaneo la NDP 12. O tlhalositse fa lenaneo la ditogamaano le se ke le akaretsa ditlhabololo le dilelo tsa Batswana tsotlhe, a supa fa go bewa leitlho thata mo mafelong a a nang le letlhoko le lentsi, e bile ditsela tsa teng di dirisiwa thata jaaka ya Francistown -Nata. A re ditlhabololo di dirwa ka go tlhomagana ga botlhokwa le tiriso. Kgosi Mosikari Sechele wa motse oo o ikuetse mo mopalamenteng gore segolo tsela e e ba gokaganyang le Makaleng e tshelwe mmu gore e tsholetsege gore fa dipula di tshologa e seka ya senyega thata. O ikopetse gape gore tsela eo e gopiwe gangwe le gape gore badirisi ba kgone go nna ba kgabolela mo mafelong ao, ntle le dikgoreletsi dipe ka tota seemo sa yone e se se se itumedisang. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Elijah Joseph o ne a tlatsa ka go kopa gore segolo go ntshiwe lekoko go sekaseka seemo sa ditsela tsa bone gore go bonwe gore ba ka ikemela ka dinao jang. Rre Moraka Nfichani le ene o ne a supa fa ditsela di kgoreletsa ditlhabololo go tla mo metseng ya bone. A re fa seemo sa ditsela se sa itumedise ditlhabololo di nna boutsana ka sengwe le sengwe se tla ka tsela. O supile gape fa ba le ’bete se molangwana ka ditsela tsa bone, ka e le makgetho a le mmalwa ba ikuela ka tsone mme go sena sepe se se dirwang go tsibogela seemo. E rile a tswa la gagwe, mogolwane go tswa kwa lephateng la ditsela mo Bokone Botlhaba, Rre Ntsosa Ntsosa o tlhaloseditse banni ba motse oo fa ba tlaa tsibogela matshwenyego a mangwe a tshwana le fa go fetang metsi a a leswe teng. O tlhalositse fa madi e le sekgoreletsi se setona, a supa gape fa lefatshe ka bophara le itemogela kgwetlho e, segolo jang mo diemong tsa ditsela ka bontsi, ka jalo a ba kopa go nna ka tsholofelo. Mo go tse dingwe, banni ba Makaleng ba ne ba supa fa ba sa tshwaragana sentle. Ba tlhalositse fa kagiso e le selo se ba se bonelang mo metseng e mengwe. Rre Ndawa Nkoshwane a re ga go na kutlwano le tshwaragano mo motseng, mme seo se baya morafe ka fa mosing. O tsweletse ka go re go tlhoka kutlwisisanyo go dia le tsone ditlhabololo. Banni ba motse ba kopile mothusa tona go ba letlanya gore go nne le tshwaragano magareng ga bone. Ba re a lebisise le gone gore mosi wa ’kgong tse di metsi o tswa fa kae. E rile a tsibogela selelo sa banni ba Makaleng, Rre Butale a kopa banni go nna fa fatshe ba itshekatsheka go bona gore ba tsisa kagiso jang magareng ga bone. A re kagiso, lorato le tshwaragano ke tsone fela di ka ba thusang go fitlhelela maitlamo, ditlhabololo le tse dingwe tse di molemo.
politics
7
Mosala o boela mo tirong
Banni ba Mmathethe ba sa tswa go amogela ka mogolokwane le bongwe fela ja pelo go busediwa mo setilong ga kgosana ya kgotla ya Goo-Rratebogo kwa motseng oo, Rre Reuben Mosala. Rre Mosala o ne a seegetswe fa thoko mo tirong dingwaga tse nne ke puso ka molato wa go belaesega mo bogodung jwa leruo. E rile a ba rolela kgosana mo kgotleng e tona ya Mmathethe ka Laboraro, Kgosi Daniel Mathiba wa Mmathethe a bolela fa Kgosana Mosala a ne a seegilwe ke puso ka molato oo , mme o ne a seka a bonwa molato, ka jalo o busediwa gape mo tirong. Kgosi Mathiba o boletse fa ba buetse le Kgosana Mosala ka fa bothokong gore a simolole tiro mme a itshware sentle fa pele ga morafe a bo a bereke ka botswapelo ka e le motho yo o mashetla mo tirong. Fa ba mo amogela, ba boletse fa ba ntse ba mo tlhologeletswe thata, ba tlatsa ka gore Kgosi Mathiba o ntse a tshwere ka a mabedi a tlhoka bathusi. Ba supile fa kgotla ya gagwe e setse e kgagoga, bolobeto ba iphile naga mo boseong ja gagwe. Matlhogoputswa ka go latelana ba supile boitumelo thata mme ba gakolola kgosana go tla go tsholetsa dikausu, ba bolela fa a tshwanetse go bereka le badirelapuso le kgosi go tlhabolola motse wa Mmathethe. Ba mo kopile gore a nyale mosadi yo o tlaa mo gakololang mo bogautshwaneng. Ba boletse gape fa batsadi ba tshwanetse go mo tlotla ba bo ba gatelela ka gore mo baebeleng go kwadilwe gore, “tlotlang kgosi mme le boife modimo’’.Ba rotloeditse kgosi gore o tshwanetse a leme a bo a rue eseng go kopa mo morafeng wa gagwe. bokhutlo
politics
7
Ratoropo wa Selebi Phikwe o akgola sekole sa Meepong
Ratoropo wa Selebi Phikwe, Rre Molosiwa Molosiwa o akgotse tiro e ntle ya sekole se segolwane sa Meepong le ntswa toropo eo e lebanwe ke dikgwetlho. Fa a bua kwa moletlong wa phenyo wa maduo a JC a 2017 a sekole seo kwa Selebi Phikwe gompieno, o boletse gore sekole seo, se dirile go feta jaaka mongwe le mongwe a ne a solofetse, fa go lebeletswe bothata jo baithuti ba neng ba lebagane le jone, batsadi ba bone ba sena go latlhegelwa ke ditiro kwa moepong wa BCL. A re maemo a bobedi a a tserweng ke sekole seo mo lefatsheng le mo kgaolong a tshwanetse go ipelelwa. A re sekole seo se dirile gore toropo ya Selebi Phikwe le setshaba ka kakaretso ba ipele. Le fa go ntse jalo, Rre Molosiwa o gateletse botlhokwa jwa gore batsadi ba nne le seabe mo thutong ya bana. A re go nna le seabe ga batsadi mo thutong ya bana go nonotsha maikutlo a baithuti, gape go ba neela maatla go dira bontle mo dithutong. Sekole sa Meepong se bone phenyo ya 75.8 Go ya ka mogokgo wa sekole seo, Mme Dorcus Olebile a re matshwao ao a a tserweng ke sekole seo a kwa godimo fa e sale se simololwa ka 1984. O supile gore mo baithuting ba le 153 ba ba kwadileng ditlhatlhobo, ba le batlhano ba tsere letshwao la A, ba le masome mane le motso ba tsaya la B. Kgosi Boitshwarelo Mabutlwane wa Kubung a re lenaneo la Ipelegeng le thusitse batho ba motse wa gagwe kgatlhanong le letlhoko la ditiro. O boleletse lekalana la dikgang la Seromamowa sa Botswana, fa batho ka bontsi ba ikaegile ka Ipelegeng ka ntata ya pula e e boutsana, le letlhoko la ditiro. A re go solofetswe thobo e e sa nametseng ka ntata ya pula e e boutsana. Kgosi a re malwapa a Kubung ka bontsi a ka o ora wa mariga. Lenaneo la Ipelegeng le simolotswe ke Tautona Khama, mme le solegela molemo batho ba magae ka ditiro di santse di tlhaela. Lenaneo leo gape le a galalediwa ka le phepafatsa tikologo mo magaeng le mo ditoropong.
education
4
Komiti ya Mokatse e gatetse pele
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mokatse mo kgaolong ya Kgatleng, Mme Itumeleng Phesudi a re komiti eo e gatetse pele mo go tlhabololeng motse wa bone gonne e sale ba tlhophiwa go simolola tiro ngwaga o o fetileng ka Phatwe ga ba ise ba lebe kwa morago bogolo jang ka ba fitlhetse tema e segilwe ke komiti e e neng e tswa. Mo potsolotsong bosheng, Mme Phesudi o boletse fa ba ikemeseditse go dira gotlhe go rurifatsa gore ba dira thomo e ba e neetsweng ke morafe. A re komiti eo e na le matlo a ferabobedi a a hiriseditswe batho otlhe, mme seo se ba thusa go bona madi gore ba tsweledise ditiro tse dingwe tsa komiti. O supile fa ntlo ya bofelo go agiwa ba dirisitse madi a a fetang dikete di le lekgolo mme e bile e setse e bone motho yo o nnang mo go yone. O tsweletse a re ba na le maikaelelo a go dira tshingwana ya merogo le go dira mafelo a bajanala ba ka a etelang, sebe sa phiri ke gore ba sale ba kopa ditsha tseo mo lephateng la kabo ditsha mme nako kgolo ke eno. Modulasetilo a re ba tla a nna pelotelele go fitlhelela ba kabo-ditsha ba ba abela ditsha tseo gore ba simolole go dira madi go tlhabolola motse le kgaolo ya bone. O boletse gore mo motseng wa bone go na le letlapa le le ntle le batho ba ratang go itseela dinepe teng mme ba sale ba kopa tetla ya go le tlhabolola gore batho ba tseye dinepe sentle le gompieno ga ba ise ba bone phetolo. A re o kopa ba kabo-ditsha go tsibogela dikopo tsa bone ka bonako gore ba kgone go tswelela pele gonne go setse go le lebaka ba kopile ditsha tseo. Le fa gontse jalo, Mme Phesudi a re e re le ntswa ba dira sentle fela thata, dikgwetlho di teng tse di ba itsang go dira bontle le go gaisa, jaaka letlhoko la madi bogolo jang fa ba lebile gore batho ka bontsi ba batla boroko. A re ba na le palo ya batho ba ka tshwara masome a mararo ba ba batlang boroko mme fa ba ne ba kgona ba ne ba tla aga matlo a le mantsi gore ba ba hirisetse Mme Phesudi a re babereki ba ba nnang mo matlong a bone ba ba busetsa morago ka gore ga ba duele sentle ka ba kgona go tlodisa kgwedi mme ba sa utlwe mabaka a bone. A re mo nakong e e fetileng ba ne ba oketsa madi a go hirisa matlo mangwe a bone ba lebile ditshenyegelo tsa go a baakanya le gone gore ke a seemo se se botoka fela thata ka a na le dikamore tsa boroko di le pedi. O boletse fa bahirisi ba sa itumelela seo mme e sale ka Phukwi ba ise ba duele matlo ao mme a re le fa ba bua le bone ka kgang ya sekoloto ga go nko e e tswang lemina jalo a supa fa ba kopile thuso mo go mokhanselara go rarabolola kgang e. O tsweletse a re ga se setho e bile ga go ba jese monate gore e re fa ba batla dituelo tsa matlo mo badirela pusong ba ba hirisitseng matlo a bone, ba bo ba sa ba buise sentle gonne maikaelelo a komiti ke go thusa bone pele ga botlhe gore tiro ya bone e nne motlhofo. Mme Phesudi o supile fa ba tla a tsaya kgato e nngwe go ya pele kwa go molaodi gore bothata jo bo rarabololwa.
politics
7
Bagodi ba Mahalapye ba batla mananeo
Bagolo ba ba tlogetseng tiro ka bogodi ba kgaolwana ya Mahalapye Bophirima, mme ba ise ba amogele madi a bagolo ba kopile puso gore le bone ba batla mananeo a puso a ba ka itshetsang ka one. Bagolo ba, ba buile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya bone Rre Joseph Molefe ka Labobedi ( Motsheganong 5). Ba supile fa ba tlogela ditiro ba le masome a marataro ba ka dira sengwe le bone go na le gore b abo ba sotlega bas a ithuse ka sepe. Mongwe wa bagolo bao, Rre Mmoloki Nkaiwa o supile fa le bone ba santse ba ikutlwa fela thata mme ka jalo puso e ba akanyetse. Rre Nkaiwa a re ba lebogele gore puso e bo e eme ka dinao go thusa go fokotsa letlhoko la ditiro ga banana ka go ba tlhamela mananeo a ka one b aka ithusang ka one, a tlatsa ka gore le bone ba ka ithusa fela thata fa b aka direlwa a a ba amang. O ne a tlhalosa gore le bone ke Batswana mme ba a miwa ke letlhoko la ditiro fa ba tlogela ditiro mme ba santse ba ikutlwa. Mo go tse dingwe banni ba kgaolwana e ba ne ba itela ka letloko la motlakase, metsi le ditsel atse di sa siamang. Ba re kgaolwana ya bone e amilwe ke letlhoko le legolo la letlhoko la metsi mme sebe sa phiri ele diphaephe tse di dutlang mo motseng. Ba re go tsaya lobaka lo loleele go baakanya diphaephe tse mme metsi a felele a eme mo a k aba bakelang le bone bolwetsi jwa malaria tota. Banni ba kopile mopalamente go emela se ka dinao ka e le matshwenyego fela a atlhokang go potlakelwa. E ne yare go le pele leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Jacqueline Tjidvasera a kopa mopalamente wa bone gore mathata a ba aparetsweng ke one mo kgaolwaneng ya bone ke letlhoko la lobo la kgotla. Mme Tjidvasera a re ba bolawa ke letsatsi k aba tsenela diphuthego mo lebaleng ka ga go na leobo, go sena le yone ntlo ya boitekitso le one metsi tota a tlatsa ka gore selo se se dira gore e nne e kare kgaolo ya bone e bati. Mo go tse dingwe o ne a lela fela ka letlhoko la didirisiwa tsa lenaneo la ipelegeng a re, babereki ba nna fel aba sa dire sepe ka go nne go sena didirisiwa. A re kgaolwana ya bone e sekgwa fela se ban aba tshabang go ya sekoleng le bagolo ba thubediwang ntswa go nale babereki ba ipelegeng mme go sena se b aka thusang ka sone k aba sena didirisiwa. Mme Tjidvasera a re sekgwa se gape sekatsa le bone borukutlhi mo kgaolwaneng ya bone fela thata, mme a kopa mopalamente go potlakela se. E ntse ele ka Ipelegeng, o ne a kopa gore ba okelediwe babereki a re palo ya masome a mabedi le bone e kwa tlase fela thata ka kgaolwana ya bone e le tona. Mo go tse dingwe, o ne a tlhalosa fa kgaolwana ya bone ele kgakala le sepatela mme ba sokola go ya kwa sepateleng bosigo kgotsa motshegare k abo rra dikhombi ba gana go ba isa. Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Molefe o ne a tlhalosa fa a tsile go ikopanya le ba lephata la ditsela ka go nne banni ba ngongorega fela botlha ka bontsi. Rre Molefe a re ga go a tshwanela gore dipalamo tsa setshaba go golo jang di-taxi di gane go ba isa kw aba yang teng kgotsa kwa sepatela ka di diretswe go isa batho ka ba yang teng. Ka dikgang tsa sepatele go bo se le kgakala mopalamente o ne a tlhalosa fa puso e kakantse gore motse wa Mahalapye o motona mme e tlhatlose dikokelwana tse tlhano tse di teng mo motseng go nna tse di tona e bile di rira letsatsi lotlhe. A re se se ka fokotsa le one mosuke kwa sepateleng se segolwana, a tlatsa ka gore dikago tsa sepatele se segologolo le tsone di tsile go shafadiwa mme se tsene mo tirisong. Rre Molefe o ne a tlhalosetsa banni banni gore o tlaa tsaya matshenyego otlhe a kgaolo ya bone a a ise kwa maphateng a a lebaneng. Mo go tsa banana gone o ne a ba tlhalotse gape gore lenaneo la banana la Youth Farmers Fund jaanong le fetogile, mme jaanong ele Youth Enterpreneuship Fund, a tlatsa gore ka lone lenaneo le jaanong banana fela botlhe b aba nang le keletso ya go ka itshimololela dikgwebo e leng tsa Bojanala, mesepele kgotsa dipe fela ba ka kopa madi a.
society
9
Ba mo letsomong la moithuti
Mookamedi wa lephata la thuto wa kgaolo ya Borwa, Rre Acro Maseko o kopile setshaba go ba thusa mo letsholong la go batla mosetsana wa dingwaga tse di lesome le boferabobedi wa kgotla yooraTlagae Kwa Kanye yo o saleng a nyelela ka Labobedi (Ngwanatsele a tlhola gangwe). Rre Maseko o buile se mo potsolotsong le ba lekalana la dikgang la BOPA ka Labobedi. A re ope fela yo o ka tswang a bone kgotsa a itse kwa mosetsana yoo a leng teng o kopiwa go ikopanya le ba ba maleba jaaka ba sepodisi go ba itsise. Rre Maseko o tlhalositse gore mosetsana yo o ne a kwala ditlhatlhobo tsa gagwe tsa lekwalo la botlhano, tse a di tlogetseng di ntse di tsweletse. “Ga re lemoge sepe fela se se ka mo ntshang mo sekoleng”, Maseko o tlhalositse jalo, a tlatsa ka gore ba lekodisitse ba lephata le le okametseng ditlhatlhobo la Botswana Examinations Council (BEC) ka seemo se. A re go dirisitswe ditsela di le mmalwa go senka mosetsana yoo, ka go botsolosa masika le ditsala mme nako kgolo ke eno. Rre Maseko o kopile le ene mosetsana gore gongwe le gongwe kwa a leng teng a boele gae a tle go tsweledisa ditlhatlhobo fa a di tlogetseng teng, a tlatsa ka gore ba tlaa rulaganya gore a kwale tse a sa di kwalang mo ngwageng o o tlang. O tsweleletse a tlhalosa gore e le ba lephata la thuto mo kgaolong ya Borwa, tiragalo e, e ba amile fela thata a ba a tlhalosa fa ngwana yoo ene e le mongwe wa ba ba dirang sentle fela thata mo dithutong tsa bone. Fa a ntsha la gagwe, mmaagwe ngwana yoo, Mme Kgomotso Kelebopile o tlhalositse fa ngwana a dule mo lapeng ka Labobedi motshegare a re oya go reka moriri. Mme Kelebopile a re fa ba tlhoka ngwana ka nako e ba e tlwaetseng mo lapeng gone ka Labobedi ba ne ba leka go mo leletsa mme ka go tlhoka lesego mogala wa gagwe o ne o timile. A re ba ne ba leletsa masika le ditsala go mo tlhola kwa go bone mme ba supa fa ba ise ba mmone, seo sa dira gore ba begele ba sepodisi mo letsatsing le le latelang. Mmaagwe a re se se ba hakgamaditse, ka ke ngwana fela yo o utlwang e bile a seke a tsamaela kgakala gape a seke a phirimelelwa ke letsatsi a seyo mo lapeng. Maiteko a go tswara mapodisi a iteile se fololetse.
crime_law_and_justice
1
Madi a mmele a a tlhaela
Puso e tshwenngwa ke seemo sa tlhaelo ya madi a mmele. Fa a bua morago ga mogwanto o o neng o rulagantswe ke mokgatlho wa First National Bank Foundation ka Tshipi, mogolwane wa sepodisi kwa Serowe, Superintendent Poloko Oteng o ne a tlhalosa fa go le molemo go bona makalana mangwe a tsibogela seemo se. Superintendent Oteng a re lefatshe leno le tlhoka dipaente tse 45 000 tsa madi ka ngwaga. Superintendent Oteng o ikuetse mo go ba ba neng ba tsile go gwanta, go rotloetsa ba masika go aba madi go somarela matshelo. A re ka motsotso mongwe le mongwe, gona le motho yo o tlhokang go tshelwa madi. Superintendent Oteng a re mafatshe a mangwe ga a na go ka kopa madi kana go a beela diemo tse, a supa fa go le motlhofo go dira jalo mono ka go na le baithaopi ba ba abang madi ka thulaganyo le ba botsogo. A re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go ikitaya ka thupana go aba madi. Motho yo o abang madi a mmele o tshwanelwa ke gonna bokete jwa 40kg kana go feta gape a le dingwaga di 17 go tsena ka 65 ebile a itekanetse. Superintendent Oteng o gwetlhile banana go tsaya karolo mo go abeng madi. Inspector Relebatseng Thataemang, yo gape e leng moetelediple mo go tsa twantsho kgokgontsho ya bong, o kaile fa ka dinako dingwe kgokgontsho e baka dikgobalo tse ditlhokang gore motho a tshelwe madi, a supa fa kgokgontsho e le sengwe sa tse di ka lwantshiwang ke setshaba sa bo sa e fedisa. A re mongwe le mongwe a tseye boikarabelo go lwantsha kgokgontsho e e jweleletseng mo malwapeng, mme e sa begelwe ba ba maleba go thusa. O supile fa sepodisi se eme ka dinao go lwantsha kgokgontsho ka mefuta yotllhe ya yone.
health
6
Dikereke di itlama go tsaya kgato kwa Mochudi
Baruti ba dikereke ka go farologana kwa Mochudi ba dumalane go ema nokeng maiteko a puso a go fokotsa kanamo ya bolwetse jwa COVID-19. Baruti ba ne ba dira tsholofetso e kwa bokopanong jwa boeteledipele jwa diphuthego tsa dikereke kwa Mochudi bosheng. Bokopano bo ne bo rularantswe ke modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Daniel Molokwe. O ne a kopa boeteledipele jwa dikereke go nna lentswe la puso ka go netefatsa gore melaetsa e e maleba e amogelwa ke diphuthego. O supile gore khansele ya Kgatleng le yone fela jalo e amogetse le go tsaya dikgato tsa tshoganetso ka go emisa bokopano bope jwa kgaolo jo boneng bo rulagantswe jaaka phuthego ya khansele, e e neng e tshwanela go simolola ka Mosupologo oo tlang. “A re tseyeng boikarabelo jo bo maleba ka go tlhomamisa go dira tse di tshwanetseng go ipabalela le go babalela setshaba kgatlhanong le bolwetse jo ka go tsaya tsia dikgakololo jaaka fa di tla,” Modulasetilo Molokwe a gakolola. Moemedi wa ba botsogo, Dr Motlalepula Pone, wa Kgatleng District Health Management Team (DHMT) a re Botswana o dira ka natla go betla methale ya go hema kanamo ya mogare, ntlha e a reng e ka kgonega ka boikarabelo jwa botlhe. Dr Pone a re seemo se ke sa tshoganetso, mme e bile mafatshe a se tsibogetse ka mashetla, ka jalo go botlhokwa gore lefatshe leno le batho ba lone ba tseye karolo go se hema. Moruti wa Dutch Reformed Church, Reverend Jimmy Phale, o lebogetse dikgato tsa go supa boikarabelo ka melaetsa e e maleba, ka jalo a supa fa go saletse dikereke go ntsha lefoko mabapi le diphuthego tsa dikereke jaaka paseka. Moemedi wa Bible Life Ministries, Rre Thabo Linchwe, o gakolotse ka bodiphatsa jwa melaetsa e e tsietsang mo maranyaneng ka e na le bokgoni jwa go timetsa setshaba. A re go lemosegile mo lebakeng le fetileng gore batho ba ne ba seka ba tsaya ka tlhwaafalo dikgakolo tsa ba bongaka ka seemo sa HIV/AIDS, ntlha e e neng ya baka kanamo ya mogare le go ama itsholelo ya mafatshe. “A re tseyeng ka tlhwaafalo dikgakolo ka mogare wa corona go ya ka boitseanape jwa ba lephata la botsogo le boitekanelo go boloka matshelo a setshaba ka go tsaya ka tlhwaafalo melaetsa e e maleba ka go lemoga fa mpuru a faretswe,” ga gakolola Rre Linchwe.
religion_and_belief
8
Tuelo e kwa legodimong
Botlheba ba tsweletseng ka go araba kopo ya ga Tautona ya go thusa ba ba tlhokileng lesego ba tlaa duelwa ke Rraetsho yo o kwa legodimong. Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, Rre Prince Maele jaaka a ne a bula semmuso ntlo yoora Makgolwane kwa Lerala ka Labotlhano (12/09/2014). Rre Maele o ne a akgola khamphani ya Partners Maintenance go bo ba bone go tshwanela gore ba agele boora Makgolwane ntlo ya dikamore tse pedi, ntlwana ba bo ba ba rekela dikobo le diaparo. A re ba le bantsi ba tshwanetse go tsaya malebela mo go se se dirilweng ke khamphani eo, segolo jang ka e le ya banana. O boletse gore fa banana ka bontsi ba ka nna le mowa o o tshwanang le o, lefatshe leno le tlaa tsoga le na le baeteledipele ba ba tiileng. Rre Maele a re fela o maswabi ka gore tiro e e dirilwe ke bana ba ba tswang kwa ntle ga Lerala. A re mongwe mo motseng wa Lerala o ka bo a ne a lemoga seemo sa boora Makgolwane pele se lemogwa ke baeng ba ba tsileng Lerala ka tsa tiro. A re le fa motho a se na se a ka thusang ka sone, go supa mowa wa lorato ke selo se se molemo. Rre Maele o ne a akgola ba ba thusitseng Partners Maintenance go lemoga lolwapa loora Makgolwane. Rre Tiisetso Masasa wa Partners Maintenance o supile fa lorato le mowa wa kutlwelobotlhoko e le tsone tse di ba gwetlhileng go thusa boora Makgolwane. O kaile gore o fitlhetse boora Makgolwane ba ba nnang ba le lesome le bongwe ba nna mo seemong se se sa iketlang. A re ba ne ba utlwalela ka botshelo ba boora Makgolwane ka mongwe wa banana ba Lerala mme ba seka ba eletse go utlwa se gape. Rre Masasa o supile fa khamphani ya bone e ntshitse P36 000 go thusa. O kaile fa dithuso tse dingwe ba di neilwe ke bagwebi bangwe mo Lerala mme ntlo ya agwa ke baithaopi. O boletse fa kago e ba tsere dibeke tse tharo fela. A re gape o ne a buisana le mongwe wa bagwebi gore a thape monana mongwe mo lelwapeng leo mme ba dumalana. Mme Sesi Makgolwane yo o neng a abelwa ntlo o ne a supa boitumelo jo bogolo. O ne a rotloetsa Partners Maintenance go tswelela ka mowa o ba nang nao gore ba kgone go thusa ba bangwe. A re e ne e re ka nako tsa dipula ba bo ba tshabela ka fa tlhase ga setlhare ka ntlo ya bone e ne e se na borulelo jo bo itsetsepetseng, ka jalo ba tshaba go welwa le ditena. O solofeditse gore ba tlaa sala ba tlhokometse mpho eo. BOKHUTLO
society
9
Ipelegeng lo thuse puso - Malefho
Banni ba kgotla ya Mpaphadzi kwa Serowe ba rotloeditswe go ipelega ka se se ka thusa puso go isa ditlhabololo tsa lefatshe leno kwa pele. Se se builwe ke Dr Kolaatamo Malefho kwa kgotleng ya Mpaphadzi fa a ne a rolela kgotla eo pompo bosheng. Dr Malefho a re le fa puso e leka go tlhabolola matshelo a Batswana, go tlhokafala gore setshaba le sone se tsenye letsogo fa se kgonang teng. O ne a akgolela mokgatlho wa Marang go bo o bone go tshwanela gore go tsenngwe pompo kwa kgotleng. A re fa mekgatlho e mengwe e ka bo e ne e tshwere jaaka wa Marang, lefatshe le ka bo le tsweletse pele. A re bonatla jwa mofuta o, bo tshwanetse go galalediwa. A re letlhoko le teng mme fa batho ba na le tumelo tsotlhe di ka kgonega. Motshwara madi wa mokgatlho, Rre Thatayaone Matjologwe a re ba ne ba bona go tshwanela go tsenya pompo kwa kgotleng eo ka ba ba letleletse go dirisa diofisi tsa bone. A re bagolo ba amogelela mo kgotleng eo e bile diphuthego tsa morafe di tshwarelwa foo, mme letlhoko la metsi le ne la iponagatsa. “E ne e re fa go na le ditiro re bo re kopa metsi mo malwapeng, selo se se neng se tshwenya thata. Ra ema ka dinao go bona gore re baakanya seemo se,” Rre Matjologwe a tlhalosa. Rre Matjologwe a re ba ne ba simololola ka go rekisa borotho, selo se se neng se sa dire madi go le kalo, ka jalo ba kokota mo malwapeng go kopa dithuso. A re ba ne ba tsena kwa ga Dr Malefho yo o neng a utlwa selelo sa bone, mme a ba laela go tla ka tlhwatlhwa ya tsotlhe tse di tlhokegang. Tiro yotlhe e ne e ya lopa P1 700, mme maCluster a ba thusa go epa mosele. Modiri wa BONEPWA e bile e le molomaganyi wa mekgatlho, Mme Othugile Karantine o ne a akgolela mokgatlho wa Marang go bo ba itlamile go tokafatsa matshelo a setshaba. A re le fa ba lebagane le go kgothatsa ba ba tshelang le ba ba amilweng ke mogare wa HIV le go thusa ba ba kgokgontshitsweng, mokgatlho o gape o lebelela letlhoko jaaka ba bone go tshwanela go tsenya pompo kwa kgotleng.
society
9
Badiri ga ba tsenye moko mo nameng
Mookamedi wa lephata la khiro ya badirelapuso, Rre Cater Morupisi a re dipatlisiso di supa fa badirelapuso ba sa dire go lekanye go ntsha maduo le go isa ditlamelo kwa setshabeng. O tlhalositse se fa a buisa badirelapuso ba kgaolo ya Borwa Botlhaba kwa Ramotswa ka Labobedi, Tlhakole a tlhola malatsi a lesome le borobabobedi. Rre Morupisi o tlhalositse fa dingwe tsa dipatlisiso tse, di dirilwe mo gae ke ba Botswana National Productivity Centre fa tse dingwe di dirilwe ke lekgotla la mafatshefatshe la World Economic Forum, le le kalang le go sekaseka ka fa mafatshe a phadisanyang ka teng. A re go simologa ka dingwaga tsa bo 2008, lefatshe leno le kgonne go tokafatsa maduo a lone go tswa kwa go masome a supa le borobabongwe (79) mo mafatsheng a le lekgolo le masome a mane le bone(144), go ya kwa maemong a bo masome a supa le bone(74) A re ditshekatsheko tse di supa fa gona le dikgoreletsi mo go iseng ditlamelo kwa bathong. O kaile gape fa dintlha tse di supilweng ke makgotla ka bobedi di tsamaelana mme di akaretsa go tlhoka go tsiboga go fa ditlamelo, go ntsha dikitsiso tse di sa felelang le madiadia a go fa ditirelo. Le fa gontse jalo , Rre Morupisi o kgothaditse badirelapuso go fa setshaba dikitsiso tse di lolameng, go nna pelotelele fa ba bereka le setshaba ga mmogo le go nna boikanyego ka ke bone matlho a setshaba. Rre Morupisi a re babereki ba tshwanetse go nna le maitshwaro a mantle ,a bo a kaya fa ba ikemiseditse go rutuntsha bangwe ba badirela puso mabapi le se. O tladitse ka gore go botlhokwa thata gore badirelapuso ba supe manontlhotlho fa ba thusa setshaba. Mo go tse dingwe, Rre Morupisi o tlhalositse fa go se ope yo o ka ganelang gore dituelo tsa badirelapuso di kwa tlase, fa go lebilwe koketsego ya ditlhwatlhwa. Mme a re ga se gore puso e gana go oketsa dituelo go itepatepanya le koketsego ya ditlhwatlhwa, sebe sa phiri ke gore itsholelo e santse e ise e tote. O kaile fa ba le mo dipuisanong le ba makgotla a babereki ka koketso ya dituelo, mme a tlatsa ka gore puso le ba makgotla a babereki ba dumalana ka dintlha di le mokawana, le fa ba farologana fa go buiwa ka dituelo tsa badiri. Rre Morupisi o tlhalositse fa puso e le mo tseleng ya go baakanya molao wa bodirelapuso, gore o tsamaelane le melao e mengwe ya lefatshe leno. Ka jalo,o ba rotloeditse go ntsha maikutlo a bone fa ba bonang go ka baakanngwa ka teng. BOKHUTLO
politics
7
Batshu o akgolela badiri tiro e ntle
Badiredi ba lephata la tsa pereko le selegae ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba kopilwe go tswelela ba dira tiro ya bone ka manontlhotlho. Fa a buisa badiredi ba lephata leo mo bokopanong jo bo neng bo tshwaretswe kwa Masunga bosheng, tona wa lephata leo, Rre Edwin Batshu o ne a akgola badiredi go bo ba dira tiro ya bone ka botswapelo lentswa ba lebanwe ke dikgwetlho tse di farologaneng mo ditirong tsa bone, a re fela ba tshwanetse ba leka bojotlhe go bona gore dikgwetlho dingwe tse ba kopanang le tsone ba ka di rarabolola jang. A re go bo go sena dingongorego dipe gotswa mo setshabeng mabapi le ka fa ba isang ditirelo ka teng, seo se supa gore ba dira sentle mo tirong ya bone, ka jalo o ne a ba gwetlha go tswelela ba dira tiro ya bone ba setse morago tsamaiso, a tlata ka gore ba tshwanetse ba itse fa ba bona dituelo tsa bone e le kantlha ya sechaba se ba se direlang, ka jalo go le botlhokwa gore ba thuse batho ka botswapelo, ba diragatsa tse di solofetsweng mo go bone. O ne a bo a re mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse a itse boikarebelo jwa gagwe mo tirong le go ikemisetsa go emela dikgwetlho tse di mo tikologong ya gagwe, a re fela ba tshwanetse gape ba itse fa letlhoko le puso e nang le lone le se pharologanyo le le ka tswang le le kwa malwapeng a bone. Rre Batshu a re go tshegetsa mowa oo, wa go dira tiro ya bone ka tlhoafalo, go ka thusa le gone go godisa itsholelo ya lefatshe leno, a re mo godimo ga moo ba tshwanetse ba tsaya tsia botsogo jwa bone gore ba kgone go ntsha ga tshwene mo ditirong tsa bone. Mo go tse dingwe, tona o tsweletse a gakolola bodiredi jwa lephata la gagwe ka tshenyetso sechaba, a re ba tshwanetse ba ila tshenyetso sechaba lebaibai e bile ba seka ba bo ba amega gope mo go yone ka e na le ditlamorago tse di sa siamang. Tona Batshu o ne a re ga a eletse go bona ope wa bone a raelesegile mme a felela a tsene mo seemong seo, se e ka reng pheletsong a iphitlhele a kailakaila mo mebeleng a sena go kojwa mo tirong. A re go amega mo ditiragalong tseo tsa tshenyetso sechaba, go ka ba diga le sone seriti sa bone tota. Mo go la bone, badiredi ba ne ba itela mo go tona mapabi le dikgwetlho di le mmalwa tse di ba tshwenyang mo ditirong tsa bone, tse di akaretsa go tlhaela ga bodiredi le didirisiwa di tshwana dikoloi le tse dingwe fela jalo.
politics
7
Lenaneo le tsweletse sentle kwa Ghanzi
Go bolelwa fa lenaneo le le thibelang mogare wa HIV go tswa kwa go mmangwana go ya leseeng le tsweletse sentle kwa kgaolong ya Ghanzi. Mo potsolotsong bosheng, mooki yo mogolwane wa kokelo ya Morama kwa Ghanzi, Mme Godiraone Ramaphoi o tlhalositse fa bomme ba ba itsholofetseng kwa kgaolong ya Ghanzi ba tlhaloganya botlhokwa jwa go ikwadisetsa boimana ka nako gore ba kgone go dirwa ditlhatlhobo tsotlhe tse di maleba ba bo ba thusiwe fa ba ka fitlhelwa ba na le malwetse a tlhakanelo dikobo gammogo le one mogare wa HIV. Mme Ramaphoi o tsweletse a supa fa ba netefatsa gore ba latela bomme ba bangwe ba ba itsholofetseng kwa dipolaseng ba eleng gore ba palelwa ke go ya sepateleng ka mabaka a a farologaneng. A re kgwedi le kgwedi ba latela balwetse gore ba kgone go bona kalafi e e tshwanetseng go netefatsa gore botsogo jwa bone bo babalesegile. A re e re le ntswa nako tse dingwe ba palelwa ke go ya dipolaseng ka mabaka a letlhoko la dipalamo ga ba ise ba nne le dikgang tse mo go tsone bomme ba ba fitlhelwang ka HIV/ AIDS ba belegang bana ba ba nang le mogare ka jaana bone ele ba botsogo ba netefatsa gore ba ba tsenya mo kalafing e e dirang gore bana ba tsholwe ba sena mogare Fa a tswa la gagwe, Rre David Mmolotsi, yo o itebagantseng le go tlhatlhobela bolwetse jwa HIV/ AIDS o tlhalositse fa a itumedisiwa ke go bona bomme ba ba itsholofetseng ba itlhatlhobela bolwetse joo ka dipalo tse di kwa godimo. Le fa gontse jalo, o tlhalositse fa a tshwenngwa ke bangwe ba ba yang thari kwa bongakeng dikgwedi tsa bone di setse di le tlhano. Rre Mmolotsi a re nako tse dingwe ba ba tlang thari ba fitlhela ba na le mathata a gore ngwana ga a nna sentle kgotsa ga a mo seemong se se siameng jalo a tlhoka go thusiwa ke ba bongaka. O boletse gore go le gantsi bomme ba ba berekang kwa dipolaseng ke bone ba ba tshabelelwang ke go ya thari kwa kokelong go itlhatlhoba le gone go ikwadisetsa boimana ka jaana ba ntsha mabaka a gore bahiri ba bone ba palelwa ke go ba golola nakwana gore ba ye kokelong. A re mokgwa wa go ya go itlhatlhobela mogare thari go baya matshelo a bone gammogo le a masea mo diphatseng jalo o rotloetsa gore ba ikwadise fela fa boimana bo simolola gore ba dirwe ditlhatlhobo tsotlhe tse di tlhokegang ka nako. O tsweletse a rotloetsa bahiri go netefatsa gore ba tsaya botsogo jwa bahiriwa ba bone ka tlhoafalo ka jaana botshelo bo le botlhokwa fela thata e bile motho a tshwanetse go netefatsa gore botsogo jwa gagwe bo mo seemong se se siameng. Rre Mmolotsi o tlhalositse fa ba netefatsa gore ba thusa bomme ba ba yang thari kwa kokelong gore sengwe le sengwe se tsamaye ka thelelo.
education
4
Dikhwaere serodumo sa mmino wa Bakgatla
E re ka Setswana se re 'maruping go a boelwa...' Baikopanyi Choirs Association (BCA) ba bone go tshwanela go tsosolosa serodumo sa mmino wa bakgatla wa dikhwaere kana dikopelo ka go dira moletlo wa Kgatleng Cultural Tourism Festival go simologa Labotlhano go tsena Tshipi. Moletlo o o tlaa bo o akaretsa dikgaisanyo magareng ga dikhwaere tsa kgaolo ya Kgatleng e le tsela nngwe ya go supa bokgoni jwa tsone le go batla go ngoka bajanala go tla go ithuta ka ngwao ya Sekgatla. Mopalamente wa Kgatleng Bophirima, Rre Gilbert Mangole a re moletlo oo o tshwanetse wa rolelwa hutshe ka o tsosolotsa ngwao e e setseng e supile fa e nyelela mo Botswana. Rre Mangole o kopile Bakgatla go tla ka bontsi kwa moletlong oo go rotloetsa maiteko le go ema nokeng ba mokgatlho wa Baikopanyi ka se se ka tsoga se ba fa bokamoso jo bo eletsegeng. O boletse fa e le keletso ya motsadi mongwe le mongwe gore bana ba gagwe ba itse ka ditso le ngwao ya bone mme go le botlhokwa go rotloetsa BCA ka e diragatsa dikeletso tsa lefatshe tsa go tshegetsa ngwao. Rre Mangole o gakolotse ba mokgatlho wa Baikopanyi go nna pelotelele mo go direng tsotlhe gore moletlo wa bone o atlege ka ba tsile go kopana le dikgwetlho le batho ba ba sa dumalaneng le bone, a tlatsa ka go re ene o dumalana le se ba se dirang e le mokgatlho. Modulasetilo wa Baikopanyi Choirs Association, Rre Bathusi Gouwe a re moletlo oo e tlaa bo e le tshimolodiso ya moletlo le mokgatlho wa bone o o ntseng o aparetswe ke dikgang mme ba tswa go rarabolola diphapang tsa bone e le mokgatlho. O boletse fa moletlo oo o tlaa bo o sa itebaganya fela le dikopelo mme a tlhalosa fa go tlaa bo go na le disupiwa ka go farologana gareng ga tsone e le makalana a a ikemetseng ka nosi, maphata a puso le dikompone ka go farologana. Rre Gouwe a re ba bone go tshwanela go dira moletlo oo ka ba lemogile fa lobebe lwa dikhwaere lo felelwa ke boleng mme ba leka ka bojotlhe go tsisa seriti le go sireletsa dikhwaere kgotsa dikopelo gore di seka tsa nyelela. O tlhalositse fa moletlo oo o tlaa tswela Botswana mosola mo go tsa bojanala le kabakanyo itsholelo ka ba tlaa bo ba na le ba dikgwebo tse dipotlana ba rekisa kwa moletlong e le tsela ya go ipapatsa le ba lephata la bojanala go rotloetsa se ba se dirang. Rre Gouwe o kopile Batswana ka kakaretso go tla go ba ema nokeng le go tla go kgatlhisa matlho kwa moletlong ka bokgeleke jwa dikhwaere tsa Sekgatla jo bo tlaa bong bo supiwa ke bana ba Batswana. Leloko la Baikopanyi, Mme Mmadiasha Mogomotsi a re o itemogetse fa dikhwaere tsa malatsi ano di sena seriti le tlotlo ka di opela ka khwaere e nngwe mo go felelang go tsisa tlhoko kutlwisisano magareng ga ditlhopha. Mme Mogomotsi a re dikhwaere bogologolo di ne di tlhamelwa go thusa mo masimong le tse dingwe mme phadisanyo tsa tsone di sa tshwane le tsa segompieno ka gore bogologolo ba ne ba ituela ka phala ya setlhopha se se sa fenyang. A re o lemogile fa nnotagi e le yone e dirang gore kopelo ya dikhwaere tsa segompieno e felelwe ke boleng ka gore e dira gore batho ba supe maitseo a a makgwakgwa mme ba felele ba tsosa dintwa. Mme Mogomotsi o rotloeditse bana ba Bakgatla go supa boitshwaro jo bo lolameng le go tlotla batsadi ka kakaretso gore ba tle ba atlege mo go tse ba di dirang. O kopile le ditlhopha go tlotlana le go tshegetsana ka di isa serodumo le seriti sa Sekgatla kwa godimo. O lebogile ba mokgatlho wa baikopanyi go bo ba dirile moletlo oo ka o tlaa tsosolotsa ngwao le mmino o a o ratang thata le seriti sa one gore ba bangwe le bone ba tle ba nne le kgatlhego mo go one. Dingwe tsa ditlhopha tse di tlaa bong di natefisa kwa moletlong oo ke Matlapa a Leloto, Bakgatlhegi, True Fighters, Mopipi wa Majanko, Italy, Bana ba motho, Kgwarape, Tloutsoga, Badiragatsi le Jumpa ma Fence. BOKHUTLO
arts_culture_entertainment_and_media
0
Makhanselara a tlhalosediwa ka kgokelo metsi
Mogolwane wa koporase ya metsi, Water Utilities Corporation (WUC), Rre Innocent Leonard o tlhaloseditse makhanselara ka mananeo a kgokelo ya metsi kwa Boteti Bokone, Boteti Legare le Boteti Borwa, ga mmogo le tokafatso ya maranyane a metsi mo Letlhakane. Mogolwane wa WUC o tlhalositse jalo kwa tshimolodisong ya khuduthamaga ya bobedi ya khansele potlana ya Boteti bosheng. Rre Leonard o ne a supa fa lenaneo la Boteti Bokone, le le akaretsang metse e supa le go agiwa ga mafelo a phepafatso metsi a le mabedi kwa Motopi le le lengwe kwa Phuduhudu, le simolotswe. O ne a tlatsa ka gore mafelo a a tlhatswang metsi a Motopi ke one a tlaa bong a isa metsi kwa metseng eo yotlhe. O tsweletse a re mafelo a a tlhatswang metsi a magologolo a Moreomaoto Makalamabedi a tlaa baakangwa. Rre Leonard o ne a tlhalosa fa la Moreomaoto lone le tlaa godisiwa, mme tanka e kgologolo e e beelang metsi e emisediwe ka e kgolwane. O sedimoseditse khuduthamaga gore mafelo a a beelang metsi a Mareomaoto le Makalamabedi a weditswe e bile a le mo tirisong fa a Motopi a sa ntse a dirwa. O tlhalositse fa lenaneo le le solofetswe go wediwa kgwedi ya Hirikgong e fela ka ngwaga wa 2016. Rre Leonard o boletse fa mananeo a Boteti Legare le Boteti Borwa a saletse kwa morago ka ngwaga. O tladitse ka go tlhalosa fa la borwa le akaretsa metse e ferabobedi mme ba emetse madi go le simolola. O itsisitse makhanselara fa lenaneo la go atolosa maranyane mo Letlhakane le filwe madi mo lenaneong la ditlhabololo la setshaba. Mogolwane yo mongwe wa WUC, Mme Tebogo Matswelenyane, o ne a supa fa ditlhwatlhwa tsa metsi di okeditswe. A re seelo sa metsi ke P20 fa madi a go gokela metsi fa motho a ikepela mosele e le P1 500. A re fa go epa WUC tefo ke P2 000 dimmithara di le masome a matlhano (50m) go ya ko tlase. A re fa di feta 50m, go duelwa P27 mmithara mongwe le mongwe. Mme Matswelenyane o ne gape a tlhalosa fa ditshipi tse di rekang metsi di fiwa batho ba ba senang dipompo mo malwapeng a tlatsa ka gore motho o direlwa ya ntlha mahala mme fa e latlhegile kgotsa e senyegile, o lopiwa madi go e emisetsa. O bile a supa gore ba dirisana le dibanka le poso gore setshaba se kgone go duela metsi bonolo. O tladitse ka gore WUC e simolodisitse lenaneo la go romela molaetsa wa dikoloto ka megala ya letheka, ka jalo a re ba rotloetsa batho go tla kwa go bone go baakanya dinomoro tsa bone tsa poso le megala. Makhanselara a supile fa a batla go bontshiwa mananeo a a dirwang mo kgaolong gore ba tle ba tlhalosetse banni ba dikgaolo tsa bone sentle. Ba ne gape ba re nako e tsile ya gore koporase ya metsi ya WUC e simolodise lenaneo la go reka metsi ka dikarata. BOKHUTLO
society
9
Noka e gapile botshelo
lick to see more pictures Monna mongwe o tlhokafetse morago ga go tsewa ke noka ya Metsimasweu kwa Serowe maabane(Hirikgong 3) . Mookamela mapodisi a kgaolo ya No 2 District, Senior Superintendent Agreement Mapeu , o boletse mo potsolotsong fa rre yoo, a ne a leka go tlola noka, mme a tsewa ke metsi aa neng a elela ka bokete. A re le ntswa bangwe ba ba neng ba le gaufi ba lekile go kgalema, rre yo o ne a tswelela fela ka go lekeletsa boteng jwa metsi. Rre Mapeu a re ka thuso ya banni ba Ramakolo, mapodisi a ne a batla rre yoo mme ba mmone a setse a tlhokafetse. Rre Mapeu o ne a gakolola batho gore ba seka ba tlola melapo kana dinoka ka nako ya pula ka se, se le borai thata. O ne gape a gakolola gore batsadi le bone ba tlhokomele bana ka nako ya pula. Rre Mapeu a re mo go tse dingwe ba ne ba itsisiwe ka malwapa a ka nna matlhano a a amilweng ke metsi mme ditiragalo tsa teng di se maswemaswe.. Pula e, e ne ya baka tshenyo bogolo jang mo ditseleng tse di dirilweng ka ditena. BOKHUTLO
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Ditlhwatlhwa tsa dikoko di kwa tlase
Ditlhwatlhwa tse di kwa tlase tse dikoko tsa Setswana di rekwang ka tsone le madi a baagi ba dihoko tsa tsone ba a duelwang, di kgoreletsa lenaneo la nyeletso lehuma. Ke gone ka moo maphata a ofisi ya ga Tautona le bodirela puso le la temo-thuo a kopilweng go sekaseka ditllhwatlhwa tsa dikoko tsa Setswana. Mogolwane mo ofising ya ga molaodi mo kgaolong ya Borwa Botlhaba, a lebagane le ditlhabololo, Mme Gosego Jotia o boletse jalo fa a ne a ntsha pego ya ditlhabololo tsa kgaolo kwa phuthegong ya khansele ya Borwa Botlhaba kwa Ramotswa bosheng. O boletse gore go diragadiwa ga thulaganyo ya go reka dikoko tsa Setswana ka lenaneo la Ipelegeng go kwa tlase ka gore batho ba ba nang le tsone ga ba batle go rekisetsa lenaneo leo dikoko tsa bone ka madi a a kwa tlase. Ka ntlha e nngwe gape, baagi le bone ga ba na kgatlhego ya go aga dihoko tsa dikoko ka madi a mannye. Jaanong komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo e dumela gore tlhwatlhwa ya gompieno ya P55 koko e namagadi le P65 e tonanyana di okediwe go nna P100 koko e namagadi le P150 koko ya poo, fa dituelo tsa moagi wa hoko tsone di tshwanelwa ke go fuduga mo go P800, go nna P1500. Mme Jotia a re fa esale lenaneo la nyeletso lehuma le simologa mo kgaolong eo, batho ba ba 2 795 ba ba lebaneng go ka thusiwa ka lenaneo leo ba ne ba amogela dithuto mme ba le 1 841 ba setse ba kanokilwe mme ga fitlhelwa ba le 1 619 e le bone fela ba tota ba tshwanetseng go ka thusiwa ka nyeletso lehuma. O boletse gore batho ba le 743 ba bone dithuso tsa madi go simolola dikgwebo mme ba lebanwe ke dikgwetlho tse di jaaka go tlhoka go tlhoafalela ditiro ga batho ba ba thusitsweng, go tlhoka kwa ba ka rekisang teng, go tlhoka go nna le boitemogelo jwa madirelo a ba thusitsweng ka one le tlhaelo ya dikoko tsa Setswana. Mme Jotia o boletse gore kgaolo e tsweletse ka go ema nokeng ba ba amogetseng dithuso le gone go laela maphata a puso go ba fa ditiro. Batho ba ba amogetseng dithuso bao gape ba neelwa dithuto tsa tsamaiso kgwebo le go tshwara dibuka tsa kgwebo le gone go ba etela kgapetsakgapetsa tota. Mabapi le go naya bomme dithatsa tsa itsholelo, o boletse gore ditiro di le 28 di ne tsa fiwa madi mo kgaolong. A re ditiro di le 19 di tsweletse di dira sentle, fa tse dingwe tse pedi di santse di diragadiwa a bo a tlatsa ka go re ditiro tseo di tlhametse batho ba le 66 mebereko. Mo go tsa temo-thuo, o boletse gore kgaolo e ne ya amogela dipula tse di kwa tlase gape di netse moragong mme seo sa ama balemi-barui. Ka jalo o ne a re kgaolo e solofela maduo a a kwa tlase a temo-thuo ngwaga ono. Modiri yoo wa ditlhabololo tsa kgaolo o boletse gape gore tlhaelo ya dikotla mo kgaolong e mo seelong sa lefatshe leno sa boraro mo lekgolong, a tlatsa ka go re maiteko a a teng a tlaa tsweledisiwa go tokafatsa seemo sa dikotla mo kgaolong. Le fa go ntse jalo, a re ga a a itumedisiwa ke gore go nnile le tlhaelo ya dijo tse di tshwanang le tsabana, malutu le mafura mo setlheng seno sa ngwaga.BOKHUTLO
society
9