title
stringlengths
1
82
text
stringlengths
565
8.03k
orig_label
stringclasses
10 values
label
int64
0
9
Ba rotloediwa go tsaya Omang
Batswana ba rotloediwa go tsaya dikarata tsa Omang ba sena go di shafatsa go hema mosuke kwa diofising tsa Omang. E rile mogolwane wa Omang mo kgaolong ya Kgatleng, Mme Boikhutso Shawe a bua mo potsolotsong le A re le fa go ntse jalo, bontsi jwa Batswana ba shafatsa boOmang mme ba tsee sebaka go tla go ba tsaya mme seo se bake mosuke kwa diofising tsa bone fa ba setse ba tla go ba tsaya. Mme Shawe o ne a supa fa boOmang ba felela ba tlala kwa diosfising tsa bone ba sa tsewe. A re gape Batswana bangwe ba diega go tla go shafatsa Omang mme ba tle ka motsotso wa bofelo nako e setse e ile mme seo se na le seabe mo go bakeng mosuke. A re se sengwe se se bakang gore Batswana ba tle ka bontsi kwa diofising tsa bone ke gore bontsi jwa Batswana ba dirile Omang ka ngwaga wa 1988 mme ba tlaa bo ba shafatsa boOmang ba bone la boraro mo ngwageng ono. Mogolwane wa Omang a re seo se raya gore diofisi tsa Omang lefatshe ka bophara ba ya go tswelela ba nna le dipalo tse dintsi tsa Batswana ba ba shafatsang boOmang go ya go fitlha ngwaga o o tlang. A re gape e re ka jaana dintsho di diragala nako e ntsi ka mafelo a beke fa diofisi di tswetse, Batswana ba a bo ba tsile go kopa ditlankana tsa dintsho, bogolo jang mo malatsing a Mosupologo le Labobedi ka go supagetse fa Batswana ba tla ka bontsi mo malatsing ao go kopa ditirelo tsa ofisi. Mme Shawe o ne a tlatsa ka go re ba dirisana thata le lephata la thuto mme o fitlhela bana ba sekole ba tlhoka ditlankana tsa matsalo go ya metshamekong mme seo le sone se na le seabe mo go bakeng mosuke mo diofising. A re gape bana ba mophato wa bone ba ya kwa dikoleng tse dikgolwane morago ga maduo a lekwalo la boraro mme ba tlhokana le ditlankana tsa matsalo go ya sekoleng.
politics
7
Isuzu e gapile botshelo
Mapodisi a Tshane a tlhotlhomisa kgang e mo go yone, koloi ya modiro wa Isuzu e oleng ya bo ya gapa botshelo jwa motho mo tseleng ya Hukuntsi/Zutshwa mo bosheng. Go ya ka mothusa mogolwane wa mapodisi a Tshane, Assistant Superintendent Batisane Modise, kotsi e e diragetse fa gare ga metse ya Zutshwa le Hukuntsi, dikhilomitara di fera bobedi go tswa mo Hukuntsi. Rre Modise o tlhalositse gore koloi eo e ne e pegile batho ba le batlhano, go balelwa le mokgweetsi mme mo botlhanong jo, go ne ga rurifadiwa fa mongwe wa bapalami a tlhokafetse kwa kokelong e kgolwane ya Hukuntsi, ba le bararo ba bone dikgobalo tse dipotlana, mme ba gololwa go ya go ikokela kwa malwapeng, fa a le mongwe a ragoseditswe kwa kokelong e kgolo ya Marina. Assistant superintendent Modise o tsweletse ka go tlhalosa fa ba ise ba itse se se ka tswang se bakile kotsi, ka ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse, mme ba belaela gore e ka tswa e bakilwe ke go tlhoka kelelelo ga mokgweetsi, ka jaana a ne a kgweetsa a se na setlankana sa go kgweetsa. Rre Modise o tsweletse ka go supa fa tiragalo ya mofuta o e le ya ntlha mononwaga ya kotsi ya koloi e e bakileng loso kwa kgaolong ya gagwe. BOKHUTLO
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Tshomarelo tikologo ke ya
 botlhe
Moeteledipele wa botsogo le pabalasego wa meepo ya Orapa,Letlhakane le Damtshaa(OLDM) Rre Badiri Motlaleng o tlhalositse fa tshomarelo ya tikologo e le maikarabelo a batho botlhe. Rre Motlaleng o buile se kwamoletlong wa go ipelela phepafatso ya tikologo ya metse ya kgaolo ya Boteti o oneng o rulagantswe ke khansele-potlana ya Boteti kwa Mmatshumo bosheng, otlhalositse fa tikologo e tlhokwa go somarelwa ke mongwe le mongwe ka dinakotsotlhe gore e seka ya latlhegelwa ke boleng. A re magae,masimo,meraka,dipolase,madirelo,dimeladiphologolo,metsi le sengwe le sengwe se se mo tikologong se tshwanetswe gobabalelwa gore dikokomane tse di tlang di di fitlhele di le mo seemong se sekgatlhisang. O rotloeditse banni ba kgaolo ya Boteti go emisa go tshubamatlakala mo go senang boikarabelo le kelelelo,go dirisa sekgwa jaaka matlo aboitiketso,go baya matlakala fa thoko ga tsela le go latlhela metseto momebileng,merakeng le mo masimong,a re tse tsotlhe di tshwanetse go nyelediwa kadi kgotlelela tikologo. Rre Motlaleng o supile fabatho bangwe ba itlhokomolosa go tlhokomela tikologo le ntswa go le turu go ebaakanya ebile go le thata go e busetsa mo mannong, a re puso e dirisa madi amantsi go alafa malwetse a a amanang le tikologo a a runyang nako le nako jaakakhupelo,letshololo le a mangwe. O ne a ba rotloetsa gobusetsa matlakala mo tirisong ka go dira dithoto ka seo se batho ba ka itshetsangka go di rekisa le go fokotsa ditshenyegelo a tlatsa ka gore le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana letlhoko la dikoloi tse di baakanyang mafuti amatlakala le letlhoko la matlwana a boitiketso mo mafelong mangwe,meepo ya OLDMe itlhomile kwa pele ka go ikgolaganya le setshaba sa kgaolo ya Boteti mophepafatsong tikologo. Rre Motlaleng o ne a akgolakomiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mmatshumo,magosi le ba komiti ya botsogo gobo ba tsweletse ka go ruta setshaba ka botlhokwa jwa tshomarelo ya tikologo. Motsewa Mmea o ne wa tsaya maemo a ntlha mo metseng e e mebotlana mme wa ikgapelaP700 fa maemo a ntlha a gapilwe ke Mmatshumo mo metseng e megolwane mme waikgapela P1000 fa maemo a ntlha a ne a tsewa ke Mopipi mo metseng e metona mmewa ikgapela P1200 le ditanka tse di latlhelang matlakala di le tlhano. Moletlooo, o ne o tshwerwe ka fa t lase ga setlhogo se se reng”Bonno jwa me,lebopo larona,ke boikarabelo jwa rona”.
economy_business_and_finance
3
Tautona o itlama go tlhabolola Batswana
Tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama o itlamile go oketsa ka fa a ntseng a dira ka teng go tlhomamisa gore matshelo a Batswana a a tlhabologa. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Hatsalatladi mo kgaolong ya Kweneng ka Tshipi, Tautona a tlhalosa fa a se kitla a boela morago tsholofetso ya go tlhabolola matshelo a Batswana go netefatsa gore seemo sa itsholelo ya bone se a tokafala. A re tokafalo ya seemo e ya go dira gore go berekwe phetelela go leka go busetsa seemo sa matshelo a batho le sa ditiro tsa ditlhabololo tse di neng tsa amiwa ke bothata jwa kwelotlase ya itsholelo. O kopile banni ba kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane go tlhaloganya fa mopalamente wa bone, Rre Vincent Seretse a filwe boikarabelo jwa go etelela lephata la papadi le madirelo ka jalo jaaka matona a mangwe, ba ya go kgaogelwa ke mpeetshane go itebaganya le lefatshe ka bophara eseng dikgaolo tsa bone fela. Mabapi le matshwenyego a e neng a rolwa ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre David Tumagole, Tautona Khama o ne a solofetsa fa a tla tlhomamisa gore maphata a amegang a tsibogela dikgang tse di amang matshwenyego a morafe mo nakong e e sa fediseng pelo a akaretsa go tlhomamisa gore dikokelwana di dira ka baoki ba babedi go hema seemo se mo go sone morafe o sa boneng dithuso fa mooki a seyo. Fa a itebaganya le seemo sa tsela ya Lentsweletau/Hatsalatladi, o boletse fa ele nngwe ya ditiro tse di neng tsa busediwa morago jaaka bontsi jwa ditiro tse dingwe tsa ditlhabololo mme a solofetsa gore jaaka seemo sa itsholelo se tokafetse go tla a simololwa go itebaganngwa le tsone jalo a kopa morafe go nna pelo telele. Rre Tumagole o ne a bolela fa ba sa itumedisiwe ke go tlhoka lepodisi la maemo a magolwane go thusa go kwadisa leruo, tiego ya mananeo a dithuso tsa puso le dikgang tsa borukutlhi, matlo a borutelo a a ranyegileng a a reng a tsenya matshelo a baithuti le barutabana mo diphatseng gammogo le seemo se se sa itumediseng sa tsela ya Lentsweletau/Hatsalatladi e a reng se kgoreletsa metsamao wa bone ka jaana ba amogela dithuso mo bodireding kwa Lentsweletau. Mogolwane wa mapodisi a Kweneng , Senior Superintendent Cavin Mookodi, o solofeditse fa thulaganyo e dirilwe go fudusetsa lepodisi la maemo a sergeant kwa motseng wa Hatsalatladi mme ba emisitswe ke tlhaelo ya boroko. Mokwaledi wa khansele ya Kweneng, Rre Wazha Tema ene o solofeditse fa ba dirile maiteko a go fefosa tiego e e tshwenyang morafe ya dikgang tsa nyeletso lehuma ka go thapa badiri ba boipelego ba le masome mabedi le boferabongwe ka maikaelelo a go fefosa tsamaiso ya lenaneo leo mo kgaolong ya Mokwena. Mabapi le kgang ya go ranyega ga matlo a borutelo o boletse fa ba tsere tshwetso ya gore go emisiwe tiriso ya one ka ba batla go a thuba ka tsholofelo ya gore a tla a agiwa mo tshimologong ya ngwaga wa madi wa 2015/2016. BOKHUTLO
society
9
Thuto-ga-e-golelwe e file mosadi seriti
Thuto ke lesedi le legolo le le sekeng le tima, le e reng fa motho a le mo go lone a bo a ka seke a timele e bile a kgona go nna le seriti. Mafoko a, a boletswe ke Mme Marriam Matlou wa kgotlana ya Lesung kwa Sefhare yo o itlhalositseng fa a ne a seke a ipona tsapa go inaakanya le sekole sa thuto-ga e-golelwe. Mme Matlou a re e ne ya re ngogola ka kgwedi ya Motsheganong a utlwa go buiwa ka go ikwadisetsa go tsena thuto ga-e-golelwe mme ya nna ene mongwe wa batho ba ntlha go ikwadisa. A re o ne a ikwadisetsa go dira lekwalo la ntlha ka a ne a ise a ise a tsene ka kgoro ya sekole go tloga bonyennyaneng ja gagwe. Mme Matlou yo o dingwaga tse di masome a marataro o kaile fa ditsamaiso dingwe tsa bogologolo jaaka go nyalwa ba sa le babotlana le go disa leruo la batsadi ba bone e le dingwe tsa tse di neng tsa kgoreletsa bontsi ja bone go ya sekoleng. A re mme ka jaana a segofetse a kgonne go bona sebaka sa go tsena sekole, o iketeile sehuba go dira ka natla mo dithutong tsa gagwe. O tsweletse ka gore o ne a sa itse go kwala leina la gagwe gotlhelele, a sa itse go bala e bile e a re a saena a bo a baya letshwao la X. O ne a supa fa jaanong seemo se se fetogile ka a kgona go kwala maina a gagwe ka botlalo, a kgona go ipalela fale le fale e bile jaanong a saena ka go kwala leina la gagwe. Mme Matlou o ne a supa fa a eletsa go tsweledisa dithuto tsa gagwe go ema ka lekwalo la bosupa mme a re sebe sa phiri ke go tlhoka go tla sekoleng ga morutabagolo letsatsi le letsatsi ka mabaka a botshelo. A re seemo se ke sone se mo diileng gore a bo a ise a fetse lekwalo la gagwe la ntlha. Le fa go ntse jalo, o ne a supa gore ka dinako tsa fa ba sa kgona go ya sekoleng, o nna a kopa bana ba gagwe go mo gakolola tse a tshelang a di rutwa kwa sekoleng gore a seka a lebala. Mme Matlou a re ene ditiro tsa mo lwapeng ga di kgoreletse dithuto tsa gagwe ka a kgaogantse nako ya gagwe sentle. Ntle le go ithuta go bala le go kwala, mme Matlou a re o na le botsipa ja go loga didirisiwa tse di farologanyeng ka polaseteke. O ne a kaya fa a eletsa gore mo tsamaong ya nako a kgaogane botsipa jo le ba bangwe ba a tsenang sekole nabo. A re ke nako ya gore mongwe le mongwe a bo a setse a ikemetse ka dinao gore segolo ka ngwaga o o tlang wa 2016 a bo a fitlheletse mangwe a matshego a tebelopele ya 2016 fa e le gore ga a a kgona go a fitlhelela otlhe. A re ene ntle le go inaakanya le tsa thuto, ke motho yo o kutlwelobothoko ka a kgona go fa bangwe ka ene dithuso ntle le dituelo. Mme Matlou o ne a rotloetsa ba ba saletseng kwa morago mo dithutong go inaakanya le sebaka se tshwana le se a leng mo go sone. A re mme o eletsa gore borre ba itsose ka a lemoga fa e le bone ba santseng ba saletse kwa morago ka gore kwa sekoleng sa bone palo ya borre e kwa tlase thata fa ba tshwantshanngwa le bomme mme go sa ree gore bontsi ja borre ba iteilwe letsogo.
education
4
Double Numbers: motlhami wa dikopelo yo motona
Motswana o sale a buile a re selo se kopelo e a tsalelwa, e tshwana le bogosi. O ne a opile kgomo lenaka ka jaana ga se mang le mang yo o ka reng o dira pina ya dikopelo mme batho ba tlhaloganye molodi wa yone. O supile fa go ne go opelelwa kwa masimo mme le tsone dikhwaere di ne di le palo-potlana mme batho ba itse ko go iwang teng ka nako ya matsalo a morena le ngwaga o mosha. A re bontsi jwa batho ba ba neng ba opelela khwaere eo e ne e la ba kgaolo ya Leloto. A re ba ne ba tlhama mokgatlho o o bidiwa Baikopanyi mme kgangkgolo ya bone e le gore dikopelo tsotlhe di dire mmogo go ya pele.BOKHUTLO
society
9
Sexaxa o amogela badiragatsi
Banni ba Sexaxa mo kgaolong ya Bokone Bophirima ba itumeletse go amogela badiragatsi ba ba farologaneng go tswa mafatsheng a sele ba ba tsileng kwa kgaolong ya Nhabe mo thulaganyong e e tsweletseng ya botaki le bodiragatsi. Mo potsolotsong bosheng, kgosi wa motse oo, Rre Thaloganyo Lekang a re ba itumetse fela thata ka badiragatsi ba ba tsileng mo motseng wa bone ka ba kgonne go reka dithoto tsa bone tsa Setswana tse ba di rokang mo motseng wa bone wa ngwao Kgosi Lekang a re ba kgonne go nna le sebaka sa go ithekisa mo bathong ba ba tswang kwa mafatsheng a Canada, America le Nigeria ka tse ba di dirang mme a tswelela ka go supa fa ngwao ya bone ya Seyei le yone e ratiwa ke batho ba mafatshe a a kgakala. O tlhalositse fa ba tlhoka mmaraka o ba ka rekisang dilwana tsa bone tsa ngwao teng, ka jalo go tla ga tiragalo eo mo kgaolong ya bone go ba thusa go nna le sebaka sa go rekisa gore ba bone se ba ka itshetsang ka sone Mo go tsa ngwao, Kgosi Lekang o tlhalositse fa ba agile motse wa ngwao go leka go tsosolosa ngwao ya Bayei le teme ya bone e a tlhalosang fa bana ba bone ba sena kitso ya tsone. A re ba agile motse wa ngwao ka dilo tsa setso di akaretsa letlhaka, mokola, mapako a mophane, bojang le mmu wa seolo. Kgosi Lekang o kaile fa ba dirisa motse oo go apaya dijo tsa Setswana jaaka seswaa, dinawa, manoko le mmidi. O kaile fa badiragatsi ba ba neng ba etetse motse wa bone ba nnile le sebaka sa go ithuta mmino wa bone wa Seyei o o bidiwang Shimbiro, o a tlhalositseng fa o ne o opelelwa bana ba basetsanyana ba ba golang. Mme Juliet Kego Ume-Onyido, mongwe wa badiragatsi mo go tsa poko a tswa lefatsheng la Canada a re o ithutile gore ngwao ya Setswana e a farologana e bile e supa bodiragatsi jo bo ka ratiwang ke batho ba le bantsi mo lefatsheng ka bophara. Fa a ntsha la gagwe, Rre Thato Molosi, yo e leng moeteledipele wa ditiragalo wa Poetavango Spoken Word Poetry, o supile fa maikaelelo magolo a bokopano joo e le go leka go kabakanya bojanala le bodiragatsi e le tsela ya go bo rekisa kwa mafatsheng a sele. Rre Molosi o supile fa gape ba leka go bulela badiragatsi mmaraka wa thekiso mo mafatsheng a ba bapileng le one gammogo le a a kgakala. BOKHUTLO
arts_culture_entertainment_and_media
0
Kebonang o a ngongorega
Mothusa Tona wa Lephata la Papadi le Madirelo, Rre Sadique Kebonang, a re o tshwenngwa ke gore batho ga ba dirise mananeo a a mo lephateng leo. Rre Kebonang o tlhalositse se mo phuthegong ya baagi ba Tsholofelo mo kgaolong ya Gaborone Bokone bosheng. “Ga re itse gore a ke gore ga le itse gore mananeo a teng, kgotsa le a a itsapela, kgotsa ga le a tlhoke, kana a a tura, ka ikopelo ya lona ya madi e kwa tlase,” aga bua Rre Kebonang A re puso e dirile mananeo a a thusang ka madi jaaka CEDA go adima Batswana madi gore ba tsene mo dikgwebong. Mothusa tona o kgothaditse banni go iteka ka go dirisa mananeo. Rre Kebonang a re mongwe le mongwe o ka tlhama kgwebo, ka jalo go le botlokwa gore bangwe ba tlhame ditiro, go thusa puso mo tshokolong ya letlhoko la ditiro. “Puso e ka se kgone go hira mongwe le mongwe, ke ka moo e tsileng ka mananeo a dithuso tsa madi go dira dikgwebo, e le sebaka sa go rotloetsa Batswana gore ba itirele dikgwebo go imolola puso mokgweleo wa khiro,” a tlhalosa. A re letlhoko la motlakase le metsi ga se mathata a a tlaa nnelang ruri. “Re dumela gore, lefatshe le le santse le le lennye mo e leng gore rotlhe re ka leka go tsaya mananeo, ra a dirisa, ra tlhama ditiro, gore le rona mo botshelong re ka nna le ditsarona,” a bolela. Fa a tlhalosa ka mananeo a a leng teng kwa CEDA, mogolwane wa lekalana leo, Rre Thabo Thamane, o tlhalositse fa CEDA e dirilwe morago ga puso e sena go lemoga fa Batswana e ne e le babogedi mo mererong ya tsa kgwebo, mo lefatsheng la bone, ka jalo puso ya tsaya tshwetso ya gore ba ntshe lenaneo le e leng gore le tlaa thusa Batswana ba e leng gore ba kokonelwa ke merokotso le dielo tse di batliwang ke dibanka. Rre Thamane o buile ka lenaneo la banana le a supileng fa le tokafaditse melawana yotlhe ka fa ba ka kgonang ka teng. A re ba dirile thumalano le ba kabo ya lefatshe go abela bakopi lefatshe. “Re na le letshwenyego la bagolo ba e leng gore ba dirisa banana go tsaya madi, ka gantsi e le bone ba etelelang banana pele mo ikopelong ya madi,” a supa. O ile a supa fa ba thusa dikgwebo tse e leng gore ga di na madi a go reka dithoto fa ba bone dithendara, e le karolo fela ya bontsi jwa mananeo a bone. O kgadile dikakanyo tsa gore go tlatsa diforomo go thata, ka gantsi batho ba go nna jalo ba ise ba dire maiteko a go e dirisa. Mopalamente wa kgaolo eo, Rre Haskins Nkaigwa, o ne a lebogela lesedi le mothusa tona, a tsileng ka lone, a supa fa go tlhokafala gore banni ba ne ba ithuta gore ba tle ba kgone. Rre Nkaigwa o tlhalositse fa go utlwisa botlhoko gore Batswana ba bo ba santse ba le maoto a tshupa gore ba dirise mananeo, mme seemo sa botshelo se supa fa go santse go supagala gore ba kabo ba tshela jaaka ba tshela. “Tsholofelo ke gore letlhoko la ditiro le le re apereng mo kgaolong e ya rona, ke gore re bone botsadi, banana, ba ba ntseng ba reeditse ka tlhwaafalo ba simolola le gone go tsaya mananeo a,” a tlhalosa.
economy_business_and_finance
3
Sekolo sa Baisago se abetse bana dimpho
Baithuti ba sekolo sa Baisago University College ba abetse sekolo sa bana (pre school) sa Botshelo Ithuteng kwa Serowe dimpho tse di farologanyeng tsa madi a a fetang dikete tse thataro bosheng . Fa a bua kwa moletlong wa go abela bana bao dimpho, mogolwane wa thuto kwa Serowe, MmeThusego Baloni a re sekolo sa Baisago University College se tsere matsapa go kokoanya madi ba dira ka lorato go supa fa le bone ba tlhokomela e bile ba gwethega go thusa puso go bona bana ba na le bokamoso jo bo siameng a tlhalosa fa go dira jalo go rotloetsa bana go tsaya thuto ya bone ka tlhwaafalo. Mme Baloni a re o lemogile gore bana ba ba tseneng mo sekolong sa Botshelo Ithuteng ba botlhale gape ga ba tshabe sekolo,o ne a kopa batsadi ba bana go tsaya dithuto tsa bana tsie ka ke bokamoso jwa bone. O ne a leboga barutabana ba sekolo sa Botshelo Ithuteng go itlhaopa go fa bana ba ba botlana ba kgotla ya Marulamantsi mo Serowe thuto mme ba sa duelwe, a re go dira jaana ke tiro e tona e e supang maikaelelo a motsadi mo thutong ya bana. Mogokgo wa sekolo sa Baisago Mme Oanthata Mokalake fa a tswa la gagwe o lebogile puso go tshwaragana le bone ka go tsaya bana bangwe mo sekolong seo go ba isa kwa sekolong sa ithutelo go ruta bana ba ba iseng ba simolole dikolo kwa Serowe College, ka go dira jaana puso e lemogile gore go na le thaelo e ntsi ya barutabana ba dikolo tsa bananyana. O ne a tlhalosa gore go kgobokanya dimpho tse ba ne ba rekisa dinekere le go ntsha mo dipateng tsa bone, mme ba reka dilwana tse sekolo se di se tlhokang. Batsadi le bone ba ne ba ntsha madi go thusa sekolo kwa moletlong oo. Moruti Bernard Mpolokeng o ne a leboga sekolo sa Baisago Baisago University College go dira tiro e ntle, a re go dira jaana Modimo o a itumela ka o batla bana ba gagwe ba thusana e bile ba nna ka dipelo tse itumelang. Mogolwane wa Baisago University College yo o itebagantseng le dikeletso tsa baithuti (Student Welfare and Support Services)Mme Agnes Mohwasa e rile a latlhela la gagwe, a re o lemogile gore go le gantsi batho bangwe fa ba abetswe ga ba tlhokomele se ba se abetsweng ka ba sa se huhulela mme a kopa gore baithuti le barutabana ba tlhokomele dimpho tseo. Dimpho tseo di akaretsa dikobo, dimmete, materase, diaparo tsa bana tse di farologanyeng, dibuka dikgamelo le dilo tse di tshamekang tse di farologanyeng le tse dingwe. Moruti Mr Bernard Mpolokeng fa a tswa la gagwe, one a leboga sekolo sa BAISAGO go bob a dirile tiro e ntle hela thata, a re go dira jaana modimo o itumela hela thata ka o batla bana ba gagwe ba thusane.Fa Mme Agnes Meisie Mohwasa a wetsa la gagwe, a re o lemogile gore batho gantsi ha ba tlhokomele dilo tse ba sa dihuhulelang,jaanong o kopile barutabana go tlhokomela dimpho tse. BOKHUTLO
education
4
BUIST e fetsa go fuduga ka Sedimonthole
Unibesithi ya dithuto tsa boranyane ya seemo sa mafatshe ya Botswana (BUIST)e solofetswe go bo e dira ka botlalo go tswa kwa dikagong tsa yone kwa Palapye go simolola Firikgong ngwaga o o tlang jaaka go tlaa bo go weditswe go e fudusa. Pego go tswa kwa sekoleng seo e tlhalosa gore go fuduga ga unibesithi eo go ya kwa dikagong tse disha kwa Palapye go tswa kwa sekoleng sa thutelo tiro ya diatla kwa Oodi go simologile kgwedi eno mme go ya go wela ka Sedimonthole. Pego e e bolela gape gore phuduga e e tlaa dirwa ka dikgato ka diofisi tsa tsamaiso di akaretsa tsa madi tsa dikhompiutara, tsa tupo dibuka, tsa molao, kanamiso mafoko, tirisano le setshaba le tsedingwe e le tsone di fudugang pele, kwa bokhutlong ja kgwedi eno. E tlhalosa gape gore baithuti, le batlhatlheledi, ba tlaa fudugela kwa Palapye ka Morule go fokotsa go kgoreletsa dithuto. E bolela gape gore phuduga e e tlaa thusa thata go godisa BUIST go e dira mohama wa dipatlisiso le thuto o o tiileng bogolo mo go tsa boinjiniere le boranyane jaaka e le yone meono e e thailweng ka yone kwa tshimologogng. BOKHUTLO
education
4
Lekgotla la kabo ditsha le leboga badiri
Erile a amogela baeng kwa moletlong oo, modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Kweneng, Rre Moemedi Babitseng, a re maikaelelo ke go rotloetsa bao ba ba dirileng sentle go tswelela ba dira ka natla go feta fa, le gone go rotloetsa bao ba ba sa dirang sentle go iteka mo nakong e e tlang. Mokwaledi wa lekgotla leo Rre Vincent Sekano o ne a supa fa lekgotla la kabo ditsha la Kweneng le dule ka maduo a a botoka mo ngwageng e e fetileng, le ntswa ba ne ba kgalelwa tshenyetso setshaba le go dira madiadia mo go ntsheng ditirelo. Rre Sekano o supile fa maduo a bone a tokafetse thata ka ntlha ya bodiredi jo bo leng teng, a bo a rotloetsa bao ba ba sa tsayang dietsele go iteka ngwaga e e tlang. O supile gape fa setlhopha sa bone sa kgwele ya dinao se ne se dirile sentle, mme sa felela se ya go ba emela kwa lefatsheng la Lesotho, kwa se neng sa tla ka maemo a boraro. Mokwaledi wa khansele ya Kweneng Rre Wazha Tema, o ne a rolela ba lekgotla la Kweneng hutshe go bo ba dira ka natla, o ne a supa fa lekgotla leo e le lone le le abang ditsha, mme go ne go ka nna molemo fa ba ka itse matlhoki a ba ba neelang ditirelo ka jaana a farologana. O ne a kopa bodiredi jwa kabo ditsha go bala le gone go ithuta ka maranyane a segompieno ka jaana bao ba ba fang ditirelo e le batho ba segompieno ba ba rutegileng . O ba kopile gape go tokafatsa thata ditirelo tsa bone le go fokotsa ditshenyegelo. O ba kopile gape gore fa ba sena go neela batho lefatshe ba batlisise gore lefatshe leo le solegetse batho bao molemo go le kae, le tlhametse batho ditiro ba le kae le gone gore le dira dipoelo go le kae. BOKHUTLO
society
9
Spirit Embassy e abela baithuti
Kereke ya Spirit Embassy e abetse baithuti ba sekole se segolwane sa Shanganani kwa Tsamaya dikobo, melora, mesangwana ya bomme le tse dingwe, morago ga go amiwa ke molelo o o neng wa senya matlo a basetsana a borobalo Mopitlo a tlhola lesome le bobedi. E rile a amogela dimpho tseo ka Matlhatso, mogokgo wa sekole seo, Mme Ndinaani Mandevu a tlhalosa fa sekole se ne sa welwa ke seru ka Mopitlo, a tlatsa ka go re ditlhotlhomiso di ne tsa supa fa go ne go na le diphoso tse di diragetseng mo kgokelong ya motlakase mo matlong a borobalo a basetsana. Mme Mandevu a re go ne go amegile baithuti ba le masome a mararo le bobedi, a tlatsa ka go re molelo o ne wa tlhagoga baithudi ba sena go ya dithutong. O ne a leboga kereke ya Spirit Embassy go ba tswa thuso, segolo jang ka paka ya mariga e simologa. “Ke itumela thata go bona batsadi ba re eme nokeng morago ga tiragalo e e masisi e e tlogetseng bana ba rona mo legoeleleng, ke leboga thata le lorato lwa kereke ya Spirit Embassy,” ga bua mogokgo. Batsadi ka go farologana ba ne ba supa fa ba tletse boitumelo go bo dikeledi tsa bana ba bone di phimotswe. E rile a tswa la gagwe, mme Ntomi Sanfole go tswa kwa Mabudzane a tlhalosa fa dipelo tsa bone di ne di gamuketse botlhoko ka ba ne gape ba tshogetse bokamoso jwa baithuti. A re seru sa go tshwana le se se kgona go nna le seabe se setona mo dithutong tsa bana, segolo jang ba ba amegileng. Motsadi go tswa kwa Themashanga, Mme Rebecca Matilamba o ne a leboga kereke, a ba kgotlhatsa go tswelela ba supa mowa o montle oo. Moithuti Game Ishmael le ene o ne a leboga kemo nokeng ya Spirit Embassy, a re go a lebosega go bona batsadi ba na le seabe mo botsogong ga mmogo le thuto ya bone. Moruti wa Spirit Embassy, Rre Peter Ngoma o tlhalositse fa kereke ya gagwe e na le makalana ka go farologana go thusa Batswana lefatshe ka bophara. O ne a gomotsa baithudi, a ba lemotsha fa ba na le batsadi ba ba lorato ba ba tlaa tswelelang ba ba ema nokeng ka dinako tsotlhe, go le monate le go le botlhoko. Rre Ngoma o ne a kgothatsa baithuti go tsaya dithuto ka tlhoafalo, go ikgapha mo go tse di maswe jaaka go goga motekwane ga mmogo le go nwa majwala. A re seo se ka kgoreletsa dithuto. O ne a ba rotloetsa go fetola matshelo a bone, go tshelela mo Moreneng, a kaya fa e le ene fela a ka ba fang lesedi mo matshelong a bone. Maloko a Spirit Embassy ba ne ba phepafatsa matlo a borobalo a a neng a amegile.
education
4
Kgosi ya Gumare e lela ka tlhako le molomo
Kgosi Moitshephi Molelwa wa Gumare o ikuetse mo go motshwarelela tona wa thuto, Rre Mokgweetsi Masisi ka tlhagogo ya bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo utlwaletsweng mo kgaolong ya Okavango. O buile se fa a amogela Rre Masisi kwa tholong semmuso ya ntlhopheng wa mopalamente wa kgaolo ya Ngami wa phathi ya Domkraga, Rre Thato Kwerepe ka Matlhatso , Seetebosigo a tlhola malatsi a le masome mabedi le borobabobedi kwa Gumare. O ile gape a re o tshwenyegile ka palo e potlana ya bana ba ba dumelelwang kwa dikoleng tsa ithutelo ditiro, a a fa sekai ka dithuto tsa bongaka, a re palo e e kwa tlase fela thata. E rile a akgela, Rre Masisi a tlhalosa gore ka e le gone a utlwang dikgang tse, o tlaa tlhomamisa gore di a tsibogelwa. O tlhaloseditse Kgosi Molelwa gore ka kgang ya bana ba sekole, e tlaa re mo bogaufing a bo a setse a na le karabo ya go bona gore ba ka thusa jang. Motshwarelela tona o boletse gape gore ne e tlaare a tswa Gumare a bo a etetse motse wa Shakawe kwa a tlaa buisang phuthego teng e le gone go itsise morafe ka dikgang tse di amang bana ba sekole se segolwane sa Shakawe ka maduo a bone a a neng a ngomola pelo. BOKHUTLO
health
6
Puso o tlotlomatsa ngwao
Ngwao e ruta motho go itse le go tlhaloganya se a leng sone. E rile a bua mo moletlong wa go tsosolosa ngwao le go bula semmuso ntlo ya Setswana kwa Letlhakeng bosheng, Kgosi Puso wa Batlokwa, a tlhalosa gore ngwao ke selo se se rayang gore motho a batle gore ke mang, o tlholega kae, le gone gore ke wa letso lefe. A re motho o tshwanetse a ipelafatsa le go ithekisa mo merafeng e mengwe ka ngwao ya gagwe gammogo le go amogela se a leng sone gore botlhe ba mo lemoge botoka. O tsweletse a re teme ya motho e tshwanetse ya buiwa ka matsetseleko le lerato le legolo ka jaana e le sekao sa tshwaragano le go itlhaloganya. A re go a swabisa go bona batho bangwe ba tlhabisiwa ditlhong ke puo ya bone mme ba ikanye go bua di sele tse e seng diteme tsa bone. Kgosi Gaborone o tsweletse a bolela fa ngwao e nyelela ka monokela mme a re tlhabologo ga e a tshwanela go nna yone e e di gogang kwa pele mo go e nyeletseng jaaka fa lebega go ntse fa go lebilwe mo diaparong le dijo. A re dijo dingwe tse di tlang le tlhabologo di tsisa makoa mme tsa Setswana tsone di siame fela ka di humile dikotla le boleng jo bo siametseng botsogo jwa motho. O boletse fa ngwao ya Botswana e le monate fela thata mme e bile yo o sa e itseng a timetse le go feta. O tlhalositse gore kgaolo ya Kweneng e humile ngwao le ditsa tlholego tse di ka tshegetsang le one mohama wa bojanala go tsholetsa itsholelo ya lefatshe leno. Kgosi Gaborone a re go ruta bosetlabosheng ka ngwao go molemo mme e bile e tshwanetse ya nna boikarabelo jwa mogolo mongwe le mongwe yo a e tlhaloganyang gape a e itse ka botlalo, ka go dira jalo e tla a bo e le go bopa isago ya lefatshe le go ya pele. O kaile fa Setswana se itlotla e bile se tlotla boleng jwa motho. O akgotse morafe wa Letlhakeng go dira tiro e ka go supa fa ba batla go ikgakologelwa mo go tsa ngwao. O tsweletse a re ba seka ba inyatsa ka ba simolola, a bolela fa se e le kgatelopele e e seng kana ka sepe. O kopile gore thulaganyo e ntle e, e seka ya nna ya ntlha kgotsa ya bofelo, a kopa gore e tlhophelwe letsatsi lengwe mo ngwageng mongwe le mongwe le e tla a tshwarwang ka lone. Kgosi Gaborone a re go anyiwe kitso ya ditso le ngwao mo go ba ba di itseng go di boloka ba ise ba ikele badimong ka tsone, gonne seo e tla a bo e le go aga letlotlo le le seng kana ka sepe. O tsweletse a kopa gape gore go phuthwe didirisiwa tsotlhe tsa Setswana tse di nang le matshosetsi a go ka nyelela go bewa ka pabalesego go tla di kaelwa bosetlabosheng. Moletlo o ne o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng “Re tsosolosa ngwao ya rona”, Letsatsi le le ne la natefisiwa ka mmino wa Setswana, maboko, dijo tsa Setswana tse di abilweng ke morafe wa Letlhakeng. BOKHUTLO
arts_culture_entertainment_and_media
0
Itholo ditiro e naya benggae dithata tsa itsholelo
Go ithola ditiro ga goromente yo motoa le yo mmotlana, ke yone tsela e e siameng ya go tsamaisa puso. Mafoko ao a builwe ke modulasetilo wa lekgotla la dikhansele (Botswana Association of Local Authorities) BALA, Rre Mpho Moruakagomo. Rre Moruakgomo o ne a lekodisa batsaya dikgang ka Labobedi ka dithulaganyo tse di dirwang tsa go tshwara phuthego ya lekgotla leo ka Motsheganong a le 13 go fitlha a le 15. A re ka go ithola ditiro, beng gae ba tlaa nna le sebaka sa go nna le seabe ka go ntsha megopolo le go itse ka dikgang le meamuso e e amang matshelo a bone. A re ba dumela gore dikhansele le tsamaiso ya tsone di dirwa ke batho ka gore batho ba ba amegang ke bone ba ba dirang gore di diragale. A re batho ka bongwe le morafe ba itse se ba se batlang botoka ebile ke bone ba ba ba kgonang go tsaya ditshwetso tse di ka dirwang. a re o dumela gore e le ditshaba, ba tshwanetse go letlelela batho go itsaya boikarabelo mo matshelong a bone. A re go ithola ditiro mo go siameng go ka dira gore morafe o nne le bokgoni jwa go itse gore tharabololo ya mathata a bone e tswa mo go bone. Phuthego eo e ne e na le setlhogo se se reng ‘Go ipelela dingwaga tse 30 tsa go tlhabolola tsmaiso ya dikhansele. Lekgotla la BALA le tlaa buisanya ka dikgang tse di ka tswelang Botswana mosola . O boletse gape gore jaaka e le dikhansele ba tlaa bo ba ipelela ngwaga wa ditlhabololo tsa dikhansele a tlatsa ka gore 2014 ke ngwaga wa mafatshefatshe wa go tlhabolola dikhansele mme o ipelelwa lefatshe lotlhe ka kakaretso. A re go ipela moo go kopane le dingwaga tse 30 lekgotla la BALA le ntse le tlhamilwe jaaka mmuuso o mmotlana mo lefatsheng leno. A re go ipela mo go kabo go sa bolo go tshwarwa ngwaga o simologa, mme bothata ya nna ditshwarego tse dingwe tsa setshaba jalo ga seka ga kgonega mo ngwageng o o fetileng. Rre Moruakgomo a re lentswe la dikhansele le tshwanetse go utlwala le bo le nne le seabe mo go baakanyeng seemo sa ditlhabololo tsa boditshabtshaba ka dingwaga tsa bo 2015. O boletse gape gore go santse go na le go le gontsi mo go tshwanetseng go dirwa gore mananeo a ditlhabololo a mafsthefatshe a Millenium Development Goals a diragdiwe ka a le botlhokwa mo ditlhabololong. Mothusa Tautona Dr Ponatshego Kedikilwe o solofelwa go bula moletlo oo semmuso. Go solofelwa gape gore moletlo oo o tsenwe ke baemedi ba mekgatlho e e seng ya puso go tswa mo kgaolong eno. Bokhutlo
politics
7
Bogodu mo diofising tsa puso bo ile magoletsa’
Badirela puso mo khanseleng-potlana ya Palapye (PAA) ba apesitswe kobo ka letshoba ke bogodu jwa go thujwa ga dikoloi le go utswiwa ga leokwane ka dinako tsa tiro le morago ga tiro maitsebowa. Se se utlwala jaana morago ga gore badirela puso ba ofisi ya ga molaodi ba thubelwe dikoloi motshegare wa sethoboloko fa ba le mo diofising ba theogetse, bosheng. Selo se se tsentseng bodiredi tsebetsebe ya go dira tiro ya bone basa wela maikutlo. Go thubilwe dikoloi di le pedi mme ga utswiwa dibeke tsa bomme di na le madi mo teng, tiraglo e e sa tlwaelesegang mo madirelong a khansele ya Palapye. E rile a bua le lekalana la dikgang ka tsiboso eo, mothusa molaodi wa kgaolwana-potlana ya PAA Mme Tshepiso Leepo o ne a tlhagisa gore babereki ba simolole go nna ba tswela kwa ntle go tlhola dikoloi tsa bone le go kgalema fa ba bona motho yo ba mmelaelang. E ne e setse e le tlwaelo gore bogodu jwa go gopiwa ga leokone mo dikoloing tsa puso bo diragala kgapetsakgapetsa morago ga tiro matsiboa, fa magotswana ao a ne a setse a dirile selo modiro ka go kgaola terata ya khansele mme ba tsene ba gope leokwane mo dikoloing tsa puso. Mme Leepo a re jaanong mo nakong eno ba tsile ka methale ya go bula dikoloi le go utswa mo go tsone motshegare bodiredi bo le mo diofising. Ditiragalo tseo tsotlhe di ne tsa begelwa mapodisi a Palapye, gape di diragala jaana go na le badisa dikago ba ba nnang kwa kgorwaneng e e tsenang mo diofising, mme ba tlheogela bosigo le motshegare. Mo nakong eno molaodi le mokwaledi wa khansele ba bone go buisana ka kgang eo go le botlhokwa gore tsela pedi go tsewe efe ka go lebega bogodu jo bo ile magoletsa e bile bo tsaya phekelo e sele. Tsholofelo ke gore bobedi joo bo kopane le mong wa kompone ya badisa dikago go tla ka tharabololo. Mo puisanyong le mongwe wa ba-tswa setlhabelo mo dikgannyeng tseo tsa go thujwa ga dikoloi Mme Gaolatlhe Radipolese wa dingwaga tse di masome matlhano a direla kwa ofising ya ga molaodi, o tlhalositse fa ene le modiri ka ene ba tseetswe makgolo a mane le botlhano a dipula beke eno le dikarata tsotlhe tsa dibanka le boOmang. Mme Radipolese a re ka lesego, morago ga go begela mapodisi kgang, go ne ga bonwa beke ya gagwe, mme karata ya banka yone ya seka ya bonala le madi. O tlhalositse fa beke eo e bonwe kwa kgotleng ya Boseja mo Palapye e latlhetswe mo molapong, mme ya selwa ke mofeti ka tsela mme a leletsa mong wa yone ka omang a ne a le mo teng le dipampiri tse dingwe tse di neng di supa megala ya mong. Dikgang tseo tshotlhe di ne tsa begelwa mapodisi a a santseng a le mo ditlhotlhomisong. Le fa go ntse jalo molaodi o ne a gatelela gore batho ba seka ba nnela ruri mo diofising ba nne ba tswela kwa ntle go tlhola dikoloi tsa bone go fitlhelela seemo se boela mmanong.
crime_law_and_justice
1
Phuthego o ja ka petlo
Rre Monyombo Phuthego wa Senete ke mongwe wa Batswana ba ba sa iponeng tsapa go itirela ka diatla gore a kgone go oba letsogo le gone go tlhokomela ba lelwapa la gagwe. A re le fa puso e intshitse setlhabelo go tswelela e tla ka mananeo a go ka thusa go tlhotlhora lehuma la nta ya thogo mo Batswananeng, se ga se rebole gore ope yo o nang le bokgoni go phutha matsogo a letle fela go fepiwa. Rre Phuthego ,yo botswerere jwa gagwe bo lemogwang ke motho a tsamaya kgakala, a re o ne a tsena mo kgwebong ya go betla dingwaga tse di masome a mabedi tse di fetileng. Fa a tla simolola kgwebo e ya go betla a re one a lemoga fa a sena motswedi wa itshetso o o rileng gape a sa batle go nna mongwe wa bo atlhama ke go jese. Rre Phuthego a re botsipa jwa go betla o ne a bo ithuta kwa sekolong jaaka bane ba rutwa tiro ya diatla. Rre Phuthego o dingwaga tse di masome a marataro le botlhano, fela botlhaga jwa gagwe le go tiaa ga mmele wa gagwe di ganetsana le dingwaga tsa gagwe. Rre yo o betla didirisiwa ka go farologana di akaretsa dikika, metshe, megoma, dikgamelo tse di gamelang dikgomo, dintshwana le tse dingwe. A re tlhwatlhwa ya dithoto tsa gagwe e simolola ka masome a matlhano le dipula go ya kwa go tse di lekgolo le masome a matlhano a dipula. A re theko ya dithoto tsa gagwe e tsamaya sentle e bile batho ba supa kgatlhego e kwa godimo tebang le tsone. A re le fa malatsi a sa tle ka go tshwana, se se mo itumedisang ke gore fa kgwedi e fela o a bo a dirile makgolo a le marataro a dipula, a re seo se mo direla tiro motlhofo ka o kgona go fepa ba lwapa la gagwe. Rre Phuthego a re ka nako tse dintsi o dirisa setlhare sa morula go betla, a re le fa se thata go rengwa, sone se dira dithoto tse di sa senyegeng motlhofo gape le boleng jwa tsone bo kgatlhisa. Rre yo a re ntle le bodiphatsa tsa go tswenwa ke dihatlhi mo matlhong jaaka a betla, tiro e yone e motlhofo go ka jaana ga e tlhoke sepe se se kalo go ka e dira Kgwebo e ga se yone fela e setswerere se se ikaegileng ka yone, ke motho wa go aga, go rulela le gone go penta ga mmogo le tse dingwe ka go farologana. Rre Phuthego a re o itse thata ka mananeo a nyeletso lehuma, fela a re one a ise a ikopele dithuso ka jaana one a santse a batla go iphutlha gore e re a ikopela dithuso e bo e se tse di kalo. A re le fa a ise a ikopele dithuso se se mo itumedisang ke gore le fa a etela ofisi ya boipelego go kopa thuso tebang le kgwebo e ya gagwe o amogelwa ka tsoo pedi, sengwe se a tlhalosang gape se mo tiisa mooko. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Ba BORAVAST ba kopiwa go tlotla kgotla
Kgosi wa Vaalhoek Kgosi Marea Bock o ngongoregile ka banana bangwe ba metse ya BORAVAST ba ba sa tlotleng kgotla ka go apara marokgwe fa ba ya kgotleng. Kgosi Bock o buile jalo ka Matlhatso (03/06/2015) mo tswalong semmuso ya letsholo la malatsi a le lesome a ba lekalana la Men Sector la go gasa melaetsa a ya HIV/AIDS, go nwa bojalwa phetelela le tse dingwe. O ne a supa fa kgotla e le lefelo le le tshwanetseng go tselwa kwa godimo le go tlotlwa ka e le la therisano le go lere kagiso mo setshabeng. Kgosi Bock o ne a supa fa ngwao e le botlhokwa mme e tshwanetse go fiwa seriti gore e seka ya nyelela e kaya fa batswana ba tshwanetse o gata le go kopa se batlapele ba lefatshe leno ba neng ba se dira bogologolo. O ne a bua a menne phatla ka banana bangwe ba ba itontelang dinotagi le tsosa medumo a supa fa seo se supe fa ba na le boikarabelo mo metseng ya bone ya BORAVAST. Fa a bua le ba lekalana la dikgang la BOPA modulasetilo wa lekalana la borre le le okametseng a mangwe mo lefatsheng leno Rre Tlhakakulagae Onkokame o tlhalositse fa mo malatsing a le lesome ba kgonne go fitlhelela maikaelelo a bone a go gasa molaetsa mo banning ba metse eo. Rre Lenkokame o kaile fa ba ne ba remeletse thata ka go ruta le go gasa molaetsa mo dikgannyeng di akaretsa tiriso botlhatswa ya nnotagi, mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS, molao wa bana wa 2008 ka go etela dikole di karetsa sa Bokspits, Rapplespan, Vaalhoek le Struizendam go simolola ka lokwalo lwa bone go fitlha mo go la bosupa. O kaile fa go le botlhokwa gore bana ba rutwe ba sa ntse ba le bannye mo dikgannyeng di tshwana le tseo ka seo se ka thusa mo go goleng ba tlhaloganya ebile ba na le kitso. Modulasetilo mogolo o ne a tswelela ka go kaya fa ba ne ba ama gape dikgang di tshwana le go ruta banni ba metse eo ka kgokgontso ya bomme le bana, malwapa aa thubegang ,tsa tlhakanelo dikobo,le tse dingwe. Fa akgela mo dithutong tseo mongwe wa banyalani ba ba neng ba itshupa e le sekao mo go ageng lolwapa lo lo nang le kagiso Rre Petrous Bock o ne a kaya fa ba itumeletse dithuto tseo ka di ba rutile go le gontsi le gore ba tla tswelela ba gakolola le banyalani ba bangwe ka se se ka thusa thata mo go ageng malwapa aa tiileng ebile a itsetsepetse. Go le pele fa a tswala semmuso letshololo leo sebui sa tlotla sa letsatsi leo mothusa molaodi mo kgaolong ya kgalagadi Mme Peggy Kutlase o ne a rotloetsa le go gwetlha banni ya metse eo go tsaya dithuto tseo ka tlhwaafalo le go di diragatsa. Mme Kutlase o ne a supa fa kgosi ya motse oo kgosi Bock a sa itumedisiwe ke boitshwaro jwa bone mme a ba kopa go fetoga mo go nweng bojalwa phetelela le go tsosa medumo mo metseng ya bone. Mothusa molaodi o leboga thata ba Men Sector ka tiro e ntle e ba e dirileng mo kgaolong ya kgalagadi ka ba segile tema mme a kopa mongwe le mongwe le setshaba kakaretso go ema ka dinao ka go tsaya boikarabelo ka seo se ka tlisa phetogo mo matshelong a bone ka go nna le botsogo jo bo siameng. O ne a ba gwetlha go tshwaragana ka go nna seopo sengwe e le tsone tse di ka ba kgontshang gore letsholo leo le atlege jaaka maikaelelo a ba lone e le go tshwarwa ngwaga le ngwaga. Fa akgela mo go tsa metshameko e ee neng ya tshwamekwa ee aretsang kgwele ya diano ya borre le bomme, bolotloa le mabelo a dipitse Rre Petrous Vraay modulasetilo wa komiti ee rulaganyetsang mabelo a dipitse o ne a supa fa e tsamaile sentle le ntswa ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhoka barotloetsi ka se se dirile gore ba nne le palo ee kwa tlase ya dipitse tse di tsenelelang dikgaisano ka ntlha ya letlhoko la madi mo ngwageng ono. O ne a kopa kemonokeng mo dikomponeng tse di ikemetseng, bagwebi, puso le setshaba ka kakaretso ka seo se ka thusa thata mo o godiseng dikgaisano tseo tsa dipitse gore di nne mo seemong se se kgatlhisang jaaka mabelo a dikgaisano a dipitse a mangwe. Rre Vraay o ne a kaya fa gape barui ba palelwa ke go tlhokomela dipitse tsa bone gore ba kgone go itepatepenya le tebego ee batlwang mo dipitseng ka ntlha ya dijo tse di ba turelang ka ba di ba di reka kwa lefatsheng la Afrika Borwa. O kaile fa ba lebannwe gape ke digwetlho tsa go agelela lebala la mabelo a dipitse le gone go aga matlo a boithomelo ka seo se ka ba thusa mo direng letseno la madi le le botoka ka ba felela ba sa dire madi mo kgwaraneng mo dikgaisanong tseo. Mo ngwageng ono o kaile fa dikgaisano tseo di ne di tseneletswe ke dipitse fela dile lesome le bobedi ka palo tse di karetsang letsopa la Tswana Breed, Cross Breed le Through breed. Rre Vraay o ne a tlatsa ka go galaletsa ba khansele ya kgalagadi ka ba ba gopela lebala go baakayatsa dikgaisano, lekalana la boree la Men Sector ka thotloetso e ba e dirileng ya go abela bafenyi ba dipitse mo mabelong aa farologanyeng aa neng a tabogwa mo dikgaisanong tseo a akaretsa 600m, 800m le 1 000. BOKHUTLO
education
4
Ba Okavango ba rotloediwa go kwadisa matsalo
Banni ba metse e e kwa kgaolong potlana ya Okavango ba rotloeditswe go kwadisa matsalo, omang le dintsho. Se se builwe ke tona wa lephata la tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu, fa a simolodisa letsholo la go isa ditlamelo tsa ikwadiso kwa kgaolong eo. Tona o tlhalositse fa ba lemogile botlhokwa jwa go nna ba etela dikgaolo bogolo jang thata ba ba kgakala le ditlamelo. Tona Batshu o tlhalositse gore lekgotla la UNICEF le ba eme nokeng mo letsholong le mo ba ntshitsla eng dikete tsa dipula le di khomputara di le borataro go thusa jaaka badiredi le makgotla a ikemetseng ka nosi mo kgaolong ba tla bo ba tsena ntlo le ntlwana mo metseng e le masome a mabedi le bobedi mo kgaolong ya Okavango. “Ke lemoga thata seabe le go dira mmogo ga UNICEF Botswana jaaka ba sale ba re eme nokeng gotswa ka 2011 mo tirong e masisi e, mme le jaana ba ntse ba tshwere ka mokgwa o mongwefela.” Tona o tlhalositse fa go tlamega mo molaong wa Botswana go dira ikwadiso ya omang,matsalo le dintsho mo malatsi a beilweng. O tlhalositse fa ikwadiso e e le botlhokwa that aka di supa fa o le Motswana ka boammaruri. O tlhalositse gape gore di thusa go akola meamuso le ditlamelo tsa puso. Mongwe w aba ba neng ba sena omang rre Karuru Divavo o tlhalositse gore o itumetse fela that aka ba tliseditswe ditlamelo. O buile gore gontse go le dingalo le go bereka mo ipelegeng ka a sena omang o tlhalositse gore mabaka a go tlhoka madi ke gone go mo diileng go dira omang. Kgosi ya Motse wa Beetsha Kgosi Bonang Karundu o tlhalositse gore puso e dirile maiteko a magolo go etela metse bogolo jang thata e kgakala jaaka Gudigwa e le go tlisetsa batho ditlamelo tsa ikwadiso. O gakolotse banni ba Okavango go dirisanya le bodiredi sentle ebile a dumela fa batho ba le bantsi bat la thusiwa.
society
9
Mapodisi a Kazungula a tlhotlhomisa polao
Mapodisi a Kazungula a tshegeditse mosadi wa dingwaga tse di masome mararo le boferabobedi morago ga gore moratiwa wa gagwe a fitlhelwe a rapaletse mo gare ga mojako wa ntlo ya bone beke e e fetileng. Go ya ka mothusa mookamela mapodisi a Kazungula Assistant Superintendent Joseph Lepodisi, mapodisi ba ne ba amogela pego Labone yo o fetileng ya gore go bonwa monna yoo wa dingwaga tse 28 a rapaletse mo kgorong ya ntlo e a neng a nna mo go yone le mmelaelwa. O rile fa ba tsibogela pego ba ne ba fitlhela ele boammaaruri rre yoo wa Flowertown mo Kazungula a rapaletse mo kgorong ya ntlo mme ba mo ragosetsa kwa sepateleng kwa go fitileng ga tlhomamisiwa fa a tlhokafetse. Rre Lepodisi a re moswi o ne a na le ntho e e supang fa a tlhabilwe ka sengwe se se bogale. O rile le ntswa go sa itsewe se se bakileng loso lwa rre yoo, mapodisi ba tshegeditse moratiwa wa gagwe go ba thusa ka ditlhotlhomiso ka jaana ba ne ba nna mmogo mo ntlong e moswi a fitlhetsweng mo go yone.
crime_law_and_justice
1
Disana o ipaakanyetsa go amogela sekole
Mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Konstantinos Markus, o gwetlhile batsadi ba kgotla ya Disana kwa Maun go tsaya thuto ya bana ba bone ka tlhwaafalo. Rre Markus o buile seo kwa phuthegong ya batsadi le barutabana ya go tlhagolela go bulwa ga sekole se segolwane se sesha sa Maitlamo. A re batho ba Disana ba segofetse ka go agelwa sekole seo sa P127 million. Sekole seo se oketsa dikole tse dikgolwane go nna tlhano mo Maun, e bile se solofetswe go thusa go fokotsa mosuke mo dikoleng tse di ntseng di le teng tseo. Rre Markus a re go tlhoka go dira sentle baithuti go bakiwa ke go tlhoka botho, ka jalo a re batsadi ba tsennye bana ba bone leitlho ka dinako tsotlhe, le go latedisa gore dithuto tsa bone di tsamaya sentle. Go tlhoka botho ga bana, a re ke gone go bakang gore bana bangwe ba senye dithoto tsa sekole. Mothusa motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Oleyo Ledimo o ne a kopa batsadi gore ba rotloetse bana ba bone go tlhokomela sekole seo sa maemo a ntlha. Kgosi Ledimo a re bana ba gompieno ga ba na botho mme ba ka kgonwa ke go tsenya letsogo ga batsadi. Morutabana, Mme Ellen Masesane le ene o ne a tshwaela gore go botlhokwa gore batsadi ba itsalanye le bana ba bone, a re tiriso ya ditagi e atile mo baneng ba dikole tse dikgolwane, ka jalo fa batsadi ba itse bana ba bone, ba ka lemoga ka bonako fa ba dule mo tseleng.
education
4
Ba Lecheng ba leboga puso
Banni Ba Lecheng ba akgoletse puso mananeo a a tokafaditseng matshelo a bone, segolo jang la dipilisi tsa diritibatsi, thibelo mogare go tswa kwa go mmangwana go fetela kwa leseeng gammogo le go nna le ngaka le baoki ba pelegiso. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Kelathegile Kedidimetse o buile se a lekodisa phuthego ya kgotla kwa Lecheng bosheng. Mme Kedidimetse a re go nna teng ga motshine wa X-ray mo Palapye, go ba fokoleditse mosepele wa go ya Serowe le Mahalapye.O tsweletse a supa fa kokelwana ya bone ele kgologolo jalo e tlhoka go shafadiwa. O tlhalositse fa ngaka le baoki ba pelegiso ba imelwa ke tiro ka balebagane le metse e le supa e e mo tikologong ya Lecheng, ka jalo a re, ba tlhoka go okediwa. Mme Kedidimetse a re, ba lebanwe ke letlhoko la dikoloi, ke sone se go fapaanelwang koloi ele nngwe fela. Mme Kedidimetse o kopile gore ngaka a agelwe ntlo ya boroko, gore a nne gaufi le bone ka mo nakong eno a tswa Palapye. Fa a mokgwa kgaba, mothusa tona wa botsogo Dr Gloria Somolekae, o rile o itumelela go bo Batswana ba bona thuso ya puso, mme a supa fa letlhoko la madi ele lone le paledisang go tsweledisa ditlhabololo tsotlhe tse di tlhokegang. O tlhalositse fa ele maikemisetso a puso go fa Batswana botsogo jo bo tlhapileng e bile bo kgatlhisa, ke gone ka moo ba tlisang tlhokomelo e e tsepameng go babalela matshelo le botsogo ja setshaba ka metseletsele ya mananeo a botsogo le ditlamelo tse ba di neelwang mahala. Dr Somololekae a re, ere ntswa puso e tsweletse ka go thusa setshaba ka ditlamelo tsa mahala, bontsi bo santse bo saletse morago ka go sa itlhokomeleng mo go itlhatlhobeleng malwetse a tshwana le kankere. A re, bolwetse joo, bo jesetsa lefatshe leno mo kgobedung ka bo tsweletse ka go gapa matshelo a batho. O gakolotse setshaba go fetola ka fa ba tshelang ka teng, a re, ba fokotse tiriso ya letswai le mafura a mantsi mo dijong. O tlhalositse gape fa bolwetse jwa letshoroma le jone bo le teng mo kgaolong ya Tswapong Bokone. Mothusa tona a re, mogare o tsweletse ka go kukela, ka batho ba tlogela go nwa dipilisi tsa diritibatsi ba tsaya gore ba fodile. Fa a tsibogela dikgang tsa tiego ya ba bongaka mo go ntsheng maduo a ditlhatlhobo le tlhaelo ya melemo kwa dikokelwaneng, Dr Somolekae o rile ba tsere tshwetso ya go thapa ba Botswana Couriers go ba anamisetsa melemo mo dikokelwaneng le gone gore ba tsibogela ntlha eo ya go ntsha maduo a ditlhatlhobo ka nako go itsa go jwelelela ga bolwetse. Dr Somolekae o ne a nna le sebaka sa go etela dikokelwana tsa Lecheng le Malaka go bona bodiredi le ka fa ba tshelang ka teng le sone seemo sa melemo. Mogolwane wa baoki ba kgaolo eo Rre Cheneso Phiri yo o direlang kwa Lecheng, o tlhaloseditse Dr Somolekae gore ba tshwere ka natla go isa dithuto kwa setshabeng moso le moso pele ga ba simolodisa tiro ya letsatsi. Mo mafokong a tebogo, mopalamente wa kgaolo Rre Prince Maele o akgoletse banni ba kgaolo ya gagwe go tsibogela pitso ka dipalo tse di kwa godimo jalo. A re, seo se mo tiisa moko gape se supa fa a nale batho tota. O tsweletse a re, ke matlhabisa ditlhong gore moeng a fitlhele kgotla e sena ope. O ile a re, go tla diphuthegong tsa kgotla ka dipalo tse di kwa godimo go fa seriti, le serodumo se se kwa godimo mo go yo o ba etetseng. O ikuetse mo go mothusa tona gore le bone ba tsenngwe mo go gasediweng matlo le go fiwa dinnete tse di gasitsweng go lwantsha letshoroma, a tlatsa ka gore ga ba eletse go nna le dintsho tsa letshoroma mo kgaolong,BOKHUTLO
politics
7
Mothusa tautona o simolodisa kago ya ntlo
Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe, o simolodisitse kago ya ntlo e e tla a lopang madi a a fetang P200 000 kwa Mogapinyana. Ntlo eo ya dikamore tse pedi, boapeeelo, ntlwana le kwa go tlhapelwang teng, e simolodisiwa jaana morago ga gore ba lekalana la Round Table 64 ba tshwaragane le ba Botswana National Youth Council go tswa Gaborone ba lemoge mongwe yo o tlhokileng lesego mo setshabeng, e leng Mme Gakologelwang Mooketsi, yo o tshelang ka bogole e bile a le kobo di magetleng. E rile a rola pego mo boleng teng jwa ga mothusa tautona, modulasetilo wa lekalana leo la Round Table, Rre Kutlwano Ratshosa, a tlhalosa fa mokgatlho wa Round Table e le wa borre ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya kwa go masome a mane le botlhano, ba e bileng e le baithaopi, mme ba thusiwa thata ke dikompone le makgotla a a ikemetseng ka nosi, go tsenya letsogo mo ditirong tsa boithaopi tsa setshaba, jaaka go agela bao ba ba sa kgoneng ebile basena bonno, le ditiro tse dingwe fela ka go farologana. Mo makgotleng a a tumileng ka go ba tswa thuso, Rre Ratshosa o ne a lemoga seabe sa khamphani ya Knight Pan Africa, e e ntsheditseng kago eo ditena , a tlatsa ka gore ba ya go baya kago eo leitlho go fitlhelela e wela. Modulasetilo wa lekgotla la BNYC, Rre Metlha Mokwena, le ene o ne a latlhela la mmotlana, a supa fa maikaelelo a bone ele ba lekgotla la banana, a 2010, a ba tlama go emelana le dikgwetlho tsa diemo tsa go tshwana le tsa go fa motho seriti sa bonno. A re ga ba dire jalo ka bana le madi mme ba dira ka lerato, morago ga go lemoga fa batho re sa lekane rese meno. Fa a tswa la gagwe, Dr Kedikilwe, o ne a re go molemo jang fa gona le bao ba ba lemogang botlhoki jwa ba ba bangwe mme ba bo tsibogele ka go ikanapa go ba tswa thuso. A re ga gona sepe se se molemo segolo bogolo gona le gofa motho seriti ka bonno. O kaile fa Round Table e le mokgatlho o o emeng ditlhabololo tsa lefatshe leno nokeng, mo ditirong tse difarologanyeng; a supa fa e se lantlha ba dira tiro ya go tshwana le e. Fa itebaganya le Mme Mooketsi, o mo tlhaloseditse fa a tshwanetse go lemoga bao ba ba mo nayang seriti sa botshelo, mme ka jalo a ikamogela a bo a nne le tsholofelo ya gore bangwe ba aga serodumo le bokamoso jwa gagwe. A re o ka lemoga seo ka go sa inyatsa mme a ipopa go itirela bokamoso. “Rele Batswana re morula wa kgothi ele nngwe, a re direng tshiamo, kagiso, lerato, neelano, popagano le tomagano ya setshaba; re nne seopo sengwe mme re utlwalaneng botlhoko.” Mothusa tautona a kgothatsha. Mothusa tautona one a nna le sebaka sa go jwala setlhare, a bo a supegediwa moalo wa ntlo eo le gone go phetsola mmu, ele gone jaaka a simolodisa kago eo. Fa a tswa la gagwe Mme Mooketsi, wa dingwaga tse di masome a mane le borataro, o ne a kaya fa a itumetse thata go feta selekanyo. Mme Mooketsi ona le bana ba le babedi; mosetsana le mosimane le ngwana a ngwana . O ne a tlhalosa fa ele mosigi e bile a roka; tiro e a rileng o ka itshetsa ka yone fa a ka bona letlapa.
economy_business_and_finance
3
IEC e rutuntsha bontlhopheng
Mogolwane wa lekgotla le le tsamaisang ditlhopho la IEC kwa Boteti, Rre Gaolopelwe Ketlogetswe, a re go botlhokwa gore bontlhopheng ba tlhaloganye tsamaiso ya ditlhopho. Rre Ketlogetswe o buile jalo kwa thuto puisanong ya bontlhopheng ba kgaolo ya Boteti Bophirima kwa Rakops bosheng. O boleletse bontlhopheng ka tse di tlhokwang ka nako ya go isa maina a bontlhopheng. Rre Ketlogetswe a re ntlhopheng o tshwanetse gore a bo a na le lekwalo lele supang gore o romilwe ke phathi efe e bile gape a na le batho ba robabongwe baba mo tlhophang mme ba le teng mo kgaolong eo. A re ba tshwanetse go saena pampiri e na le maina a bone, nomoro ya Omang, ya ditlhopho, aterese, leina la kgaolwana le kgaolo e ba ikwadisitseng kwa go yone. Rre Ketlogetswe a re letsatsi la go isa maina a bontlhopheng ke gompieno. O tlhalositse fa go sena ntlhopheng yo o tlaa rurifadiwang a sa ntsha pampitshana e supang dituelo tsa peeletso ya P500 wa palamente kana P100 wa khansele. Rre Ketlogetswe a re batsamaisi ba ditlhopho ga ba na go letlelela tlhopho ya ntlhopheng fa sa supa tse molao o di lopang mo go ene. A re fa tsamaiso ya go isa maina a bontlhopheng e sena go wela, batsamaisi ba ditlhopho ba tlaa phatlalatsa mokwalo oo supang maina a ntlhopheng, mafelo a bone, sekano le mebala ya phathi. Mokwaledi wa lephata la kabo ditsha ya Rakops, Rre Mudongo Matenge, o ne a rotloetsa bontlhopheng go bala le go tlhaloganya mokwalo oo supang tse di tlhokwang mo tsamaisong ya ditlhopho gore ba seka ba kgopekgopetsana le tsamaiso ya ditlhopho. Rre Matenge o ne a leboga IEC ka thulaganyo ya go rutuntsha bontlhopheng gore botlhe ba itse tse ditlhokwang.
politics
7
Mabutsane o lela ka tsela
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mabutsane, Mme Keagisitse Mokgatle o kopile gore motse o direlwe tsela ya sekontere ka jaana ya ditena e sa lekana. O kopile jalo kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi kwa Mabutsane ka Labobedi. A re le ntswa ba lebogela maiteko a puso a go ba direla tsela ya nama o sa tshwere, ba bete se molangwana ka jaana e sa itebaganya le seemo sa motse wa bone. O boletse fa Mabutsane a na le motlhaba o montsi, ka jalo tsela e o e tlaa khurumediwa ke mmu ka nako ya dipula. Mo dikgannyeng tse dingwe, Mme Mokgatle o kopile gore ba agelwe mapalamelo a dibese. A re mo bogompienong, dipalangwa tsa setshaba di emelwa fa kgotleng ka jaana go sena fa di emang teng. E rile a mo kgwa dikgaba, mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse, a tlhalosa fa e le boammaaruri gore Mabutsane o tlhoka tsela ya sekontere. Le fa go ntse jalo, a re puso e bone go le botoka go dira tsela ya ditena ka jaana yone e le tlhwatlhwa e kwa tlase. A re letlhoko la madi ke lone le le dirileng gore go agwe tsela ya ditena. Rre Autlwetse o ne a kopa morafe go nna pelotelele fa puso e santse e batla madi. A re maikaelelo ke go dira gore ditsela di tsamaege ka dikoloi tse di farologanyeng, pele ga go ka sekasekwa ditlhabololo tse dingwe jaaka dipone tsa mekgwatha. Mo go ya maemelo a dibese, mothusa tona o ne a tlhalosa fa setsha se setse se beilwe, mme ikopelo ditiro e tlaa dirwa pele ga ngwaga ono o ya fifing. A re maikaelelo ke go a dira ba a kopanetse le bagwebi ba ba ikemetseng, mme tsholofelo ke gore a tlaa simololwa ngwaga o o tlang.
politics
7
Mokgadi o akola maduo a bopelotelele
Mme Sarah Mokgadi ke mongwe wa banana ba ba neng ba tsaya ka tlhoafalo lenaneo la puso le le thusang banana ka madi go simolola dikgwebo tse di potlana. O tlhalositse fa a ne a nna pelotelele mo nakong e a neng a batla thuso mo lephateng la banana, metshameko le ngwao gore a kgone go simolodisa kgwebo ya go roka diaparo ka botlalo. O supile fa lephata le ne la mo tla matshediso ka P96 700. “Madi ao a ne a nthusa go reka didirisiwa, bogolo jang metshine e e rokang e le merataro, tafole le mo ke beelang diaparo tse di rokilweng le didirisiwa tse dingwe mo teng,” o tlhalositse jalo. Mme Mokgadi, yo o dingwaga di masome mararo le motso, a re o ithutile go roka kwa sekoleng sa tiro ya diatla sa kwa Borolong kwa Pitsane, mme a fetsa ka 2010 ka setlankana sa National Craft Certificate. O supile fa pele ga moo a ne a sa tsenelela thata mo tirong ya go roka ka a ne a sa dira dithuto tsa Fashion and Fabrics kwa sekoleng se segolwane sa Molefi kwa Mochudi. Kgatlhego ya gagwe e ne ya simolola morago ga gore a roke digaretene ka a ne a dira dithuto tsa Home Management. “E rile fa ke sena go fetsa sekole kwa Borolong ka simolola go roka fela mo lapeng ke dirisa motshine wa mo lapeng. Ke ne ke rokela batho ka go farologana, bogolo jang ba ba neng ba itse fa ke tswa go ithutela go roka. Mme e rile ke sena go bona thuso ya madi ke ne ka atolosa mo ke ileng ka kwadisa le leina la kgwebo la Sew Wise Fashions,” o tlhalositse jalo. A re mo nakong ya gompieno o roka diaparo tsa manyalo le tsa batho ka bongwe ka bongwe, mme pele ga moo o tshwantsha se a batlang se rokwa gore moreki a kgotsofalele tebego ya sone. O ne a supa fa kgwebo e le ntsi fa ngwaga o ela go fela ka ba kgona go nna le bareki ba le masome mane mme fa go se na sepe se se kalo ba ka nna lesome le boraro. O ne a supa fa a thapile mmereki a le mongwe go thusa mo kgwebong ka gore fa a ka ipolaisa tiro boleng jwa dilwana tse a di rokang bo ka ya tlase. Mme Mokgadi o ne a tlhalosa fa a tsenelela dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona tsa baroki mme monongwaga a tsere maemo a ntlha mo kgaolong ya Kgatleng. O supile fa di le botlhokwa ka di mo fa sebaka sa go ithuta mo go ba bangwe, go tokafatsa boleng jwa diaparo le go tokafatsa botsipa jwa go roka.
economy_business_and_finance
3
Tlhokomelo ya bana e ka fokotsa borukutlhi
Tona wa ofisi ya ga Tautona le bodirela puso e bile e le mopalamente wa Moshupa, Rre Mokgweetsi Masisi, o kopile borre gore ba tlhokomele bana ba bone, ba se ka ba imetsa bommaabo. Rre Masisi o buile se fa a simolodisa tiriso ya diphala tse di tlhabang mokgosi, kwa Moshupa mo bekeng e e fetileng. A re fa borre ba sa tlhokomele bana go ka dira gore bommabana ba imelwe ke go ba kgalemela, go ba tlhokomela le go ba laola, a re se se ka dira gore bana ba go nna jalo ba fetoge dirukutlhi. Rre Masisi a re ba tshwentswe ke borukutlhi a bo a re kgaolo ya gagwe e dikile e di goga kwa pele mo dikgannyeng tsa borukutlhi, bogolo jang motsana wa Ralekgetho, o mo go one batho ba neng ba bolaya ba bangwe ba bo ba ipolaya. O bile a kopa dikgosi gore fa ba nyadisa ba ne ba bua le banyalani ba ba kopa gore ba ye go tshedisana sentle, go fokotsa ditlamorago, tse di akaretsang borukutlhi. A re fa borukutlhi bo ya kwa godimo, bagwebi ba tlaa tshaba go bula madirelo, ka jalo diphatlha tsa ditiro di ye tlase. A re bana ba tshwanetse go otlhaiwa ka thupa, a bo a tlhalosa gore ngwana fa a otlhaiwa sentle ka thupa ga go na mathata. Rre Masisi a re molato ke fa ngwana a tshedisediwa mo thupeng a re ngwana wa go nna jalo o kgona go fetoga seganana. Mopalamente o ne a supegetsa batsena moletlo oo kopi le setlankana se mapodisi a Moshupa a se ikgapetseng, e le sesupo sa gore ba gaisitse mapodisi a kgaolo yotlhe ya borwa. Mogolwane wa mapodisi a Moshupa, Assistant Superintendent Michael Maphephu, a re ba bone go tshwanela gore ba tlhabe mokgosi ka ba ne ba bona borukutlhi bo tsaya phekelo e sele mo kgaolong ya bone. Superintendent Maphephu a re kwa motseng wa Moshupa, batho ba tseelwa ditsabone ka go tsenelelwa mo matlong ba ntse ba le teng fa ba bangwe ba phamolelwa dibeke ba fologa mo dipalamong tsa setshaba. A re ba dule ka mogopolo wa diphala ba bona e re batho ba kuwa go bo go sena yo o ba tswang thuso, a bo a kopa badirisi ba diphala tseo gore ba se ka ba di letsa go sena lebaka. Superintendent Maphephu a re phala e mosola fela thata fa batho ba e dirisa ka fa tshwanelong, a re go botlhokwa gore batho ba dumalane mo dikgotleng gore ya bone e tlaa lediwa jang. Modulasetilo wa komiti ya twantsho borukutlhi, Rre Otukile Tsalaile o ne a lebogela gore borukutlhi bo wetse tlase. BOKHUTLO
education
4
Ba Kazungula ba bifela kgokgontsho ya bomme le bana
Mapodisi ba tshwaragane le lephata la ipabalelo tseleng kwa Tsabong ba rotloeditse bakgweetsi ba dipagamo tsa setshaba go sala morago melao go hema dikotsi le go babalela matshelo a batho. E rile a buisa bokopano bosheng, mogolwane go tswa kwa lephateng la dipalamo le ipabalelo tseleng, Rre Tawana Babili a tlhalosa fa ofisi ya gagwe e tshwenngwa ke dingongora go tswa mo setshabeng gammogo le masepodisi ka go tlhoka go salwa morago ga melao mengwe ke bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba. O ne a gakolola phuthego gore go pega setshaba ke kgwebo, ka jalo beng ba dikgwebo tse ba tshwanetse go netefatsa gore setshaba se babalesegile fa se dirisa dipagamo tsa bone. Rre Babili yo gape e leng motlhatlhobi kwa lephateng leo, a re magodu a dirisa dipagamo tsa setshaba go utswa le go sia, mme a gakolola phuthego gore fa ba lemoga seemo se se belaetsang, ba itsese ofisi ya sepodisi eseng jalo ba tlaa lejwa jaaka ba-na-le seabe mo borukutlhing jwa go nna jalo. O tsweletse a kgothatsa bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba go nna phepa le go phepafatsa dikoloi tsa bone go babalela botsogo jwa setshaba. Rre Babili a re dikoloi dingwe di dirisa dithaere tse di onetseng, mo go oketsang kgonagalo ya dikotsi, mme a ba rotloetsa go fetola dithaere tse di onetseng go hema dikotsi. Rre Babili a re e le ba lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng ba lemogile fa batho bangwe ba kopa diteseletso tsa ditaxi, mme go tsweng foo ba di rekise. “Seemo se ga se ka fa molaong. Ope yo o ka fitlhelwang a dira jalo o tlaa tseelwa dikgato tse di gagametseng,” ga bua jalo Rre Babili. O bile gape a rotloetsa bakgweetsi go bala le go tlhaloganya melao ya dipalamo. Fa a latlhela tlhware logonnyana, modulasetilo wa komiti ya bakgweetsi ba dipalalamo tsa setshaba, Rre Mooketsi Sephiri a re e le bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba ba ngongorega ka dikoloi tse di senang teseletso, mme di pega batho. A re seemo seo se ba itsa go bona letseno, ntswa ba leka go dira se se mo molaong wa tsela. O ne gape a supa bakgweetsi bangwe ka ene ka monwana a re ba itlhokomolosa dinako tse di beilweng tse ba tshwanetseng go emelela ka tsone. Rre Sephiri o supile gore go sa tsamaeng ka nako go baka tiego mo go ba ba tlang kwa morago, ga mmogo le ketsaetsego mo setshabeng mme a kopa ba ba lebaneng go tsibogela seemo ka bonako. Rre Lyon Nthebolang, yo e leng mogolwane kwa lephateng la dipalamo le ipabalelo tseleng ene o kgothaditse bakgweetsi go nna seopo sengwe fa ba tla ka megopolo. O ne a gatelela molaetsa wa ipabalelo tseleng ka go obamela melao ya tsela. Pele ga moo o ne a rotloetsa bakgweetsi go dirisa seelo sa dituelo se se beilweng ke ba lephata la gagwe go itsa ketsaetsego mo setshabeng. Rre Nthebolang o ne a tlatsa ka go rotloetsa bakgweetsi go godisa dikgwebo tsa bone ka go obamela melao ya tsela le go netefatsa fa setshaba se babalesegile ka dinako tsotlhe.BOKHUTLO
health
6
Ba Tlokweng ba ipelela ngwao
Ngwao e kopanya merafe ebile go botlhokwa gore e lemogiwe gore banana bogolojang ba ba tswang kwa tlase ba kgone go e ithuta. Mothusa modulasetilo wa Batlokwa Development Trust e eeteletseng pele go rulaganyetsa letsatsi la ngwao la Batlokwa Rre PhilipMatsetse, o tlhalosise mo potsolotsong gore ka Matlhatso ba tlaatshwara letsatsi la Batlokwa la go ipelela ngwao mme moono wa letsatsi leo e le“Ngwao Pinagare.” Rre Matsetse o tlhalositse famaikaelelo a letsatsi leo la ngwao la Batlokwa e le go tsosolosa ngwao yaSetlokwa le go ruta banana ba Batlokwa le setshaba ka kakaretso ka ngwao yaSetlokwa, mme letsatsi leo le tshegediwa ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya Phatwe. O boletse fa letsatsi leo langwao le tlaa tshwarelwa kwa kgotleng kgolo ya Batlokwa, a re letsatsi leo legwetlhilwe ke gore ba ne ba lemoga gore kwa ntle ga letsatsi leo ngwao yaSetlokwa e ka nyelela ebile ba lebile gore go na le dilo di le dintsi tsa ngwaotse di sa tlholeng di dirwa ka jalo fa go sena letsatsi la ipelelo ngwao di a A re fa ngwao e sa lemogiwebanana bogolo jang ba ba tswang kwa tlase ba tla tlhoka go itse ngwao ya bonele gone gore e teng ba bo ba tseela gore Batswana ka kakaretso ga ba na ngwao. O tlhalositse fa letsatsi lago ipelela ngwao le le botlhokwa thata ka le neela morafe seriti ebile le thusago kopanya borara jwa Batlokwa ba ba mo Botswana ka bophara le ba ba kwaAferika Borwa gammogo le Lesotho. A re mongwe le mongwe o aamogelesega go tsenelela letsatsi leo go tla go ithuta go le gontsi ka ngwao ya O boletse fa monongwaga ba laleditseditlhopha tsa mmino go tswa ntlheng tse dingwe tsa lefatshe leno jaakasetlhopha sa Mogobane kwa Ramotswa, setlhopha sa Mafitlhakgosi go tswa kwa Naledi gammogo le setlhopha sa Culture Spears le tse dingwe. Ditiragalo tsa letsatsi di tlaa akaretsa mmino, maboko, metshameko ya Setswanaka go farologana le go supa disupiwa tsa ngwao
arts_culture_entertainment_and_media
0
Tona o tsweletse ka go ruta Batswana
Tona wa lephata la tsa Merero ya Setshaba, Boagedi le tsa Bong, Rre Edwin Batshu o tsweletse ka go tlhatlhelela setshaba ka melawana e e tsamaisang ditirelo tsa lephata la gagwe. E ne ya re bosheng, Rre Batshu yo gape e leng mopalemente wa Nkange a buisa phuthego ya kgotla kwa Mosojane mo kgaolong ya Tati Bophirima, kwa a neng a itsese banni fa go le botlhokwa go itse le go tlhaloganya melawana ya lefatshe leno gore ba kgone go e diragatsa le go e obamela ka fa go solofetsweng ka teng. Rre Batshu a re e ne ya re lefatshe leno le tsaya boipuso ka 1966, tshaba ya ikgethela go nna tshaba e e boifang Modimo e bile e obamela melao e e tsamaisang lefatshe leno gore go nne le kagiso. A re ka jalo mongwe le mongwe o tshwanetse a tlhaloganya matshego a le mararo a lefatshe leno le ikaegileng ka one, e leng palamente, boatlhodi le batsamaisi, a supa fa matshego ao e le one a netefatsang gore lefatshe leno le nna le kagiso. Tona Batshu a re o bona go le botlhokwa gore a itsese batho ka ditirelo le ditsamaiso tsa lephata la gagwe gore ba nne le kitso e e ka ba kgontshang go diragatsa tse di tshwanetseng. O ne a tlhalosetsa banni ka melawana ya tsa mesepele, boagedi, bong, kwadiso ya dintsho, matsalo le manyalo ga mmogo le Omang. A boletse fa molao o patika gore go kwadisiwe ka fa molaong leso lengwe le lengwe le le diragalang mo malatsing a le masome a mararo, a tlatsa ka go re ngwana mongwe le mongwe yo o tsholwang le ene o tshwanetse a kwadisiwa le go direlwa setlankana mo malatsing a le masome a marataro. Rre Batshu a re kwadiso eo, e botlhokwa ka e thusa puso mo ditogamaanong tsa ditlhabololo tsa lefatshe le go baakanyetsa bana bokamoso go itebagantswe le ditirelo di tshwana tsa thuto, botsogo le tse dingwe. Mo go tse dingwe, tona o kopile batsadi go direla bana ba ba digelang dingwaga tse di lesome le borataro Omang, ka Omang e le ene lotshwao le selotlolo sa botshelo jwa Motswana mongwe le mongwe. A re Omang o tshwanetse a dirwa mo malatsing a le masome a mararo ngwana a sena go digela dingwaga tseo. Tona o tlhaloseditse banni gore bagolwane ba lephata la Omang ba filwe dithata tsa go reetsa le go sekaseka dikgang dingwe tse di ka tswang di bakile gore motho a bo a diegile go dira Omang mme dingwaga tsa gagwe di wetse, fela a gatelela botlhokwa jwa gore mo kwadisong nngwe le ngwe ba tshwanetse ba neela badirelapuso dipego tsa buamaruri go itsa ketsaetsego mo isagong. Rre Batshu o ne a gakolola banni go babalela dibukana tsa bone tsa mosepele le dikarata tsa Omang go itsa gore di wele mo diatleng tse e seng tsone. Banni ba Mosojane ba ne ba leboga Rre Batshu go bo a iphile matsapa a go ba etela, bogolo jang ka e bile go na le bangwe mo motseng ba ba senang Omang ka mabaka a a farologaneng. Ba ne ba kopa puso go sekaseka molawana wa gore e re fa motho a batla go dira Omang kgotsa a ntshafatsa, go bo go twe o ka supelwa fela ke motho yo o mo fetang ka dingwaga tse some, ba supa fa selo seo se baya batho ka fa mosing ka jaana ba felela ba nna ba sena boOmang mme go se sepe se ba ka se dirang ntle le Omang. BOKHUTLO
society
9
Kgokgontsho ya masea e a tshwenya
Le fa ntswa go tlwaelesegile gore bana ba ba amanang le kgokgontsho ke ba ba tsenang dikolo, masea a leng gone a tsholwang a kgokgontshiwa ke batsadi ka go itlhokomolosa boikarabeo jwa bone. Se se builwe ke Kgosi ya Zoroga mo kgaolong potlana ya Tutume, Rre Thomas Modiro kwa pitsong ya botsogo ka Labotlhano. O supile fa a tshwenngwa ke kgokgontsho phetelela mo maseeng a dingwaga tse di fa gare ga kgwedi tse di borataro go ya ko tlase. O supile fa batsadi bangwe ba tlhola ba belege bana motshegare otlhe ba tlhotlhoma le malwapa a rekisang majwala a Setswana, fa bangwe ba tsamaya maitiso ka bone. A re batsadi ba mofuta o, ga ba neele bana lorato ka ba nna mo modumong le dino tagi. “Tshwanelo ya ngwana ke go tshelela fa gare ga ga rraagwe le mmaagwe e seng mongwe le mongwe,” go buwa Kgosi Modiro. A re bana ga ba kgone go tshwaragana le batsadi ba bone le ba bangwe ba losika ka ntlheng ya gore ba tlhola fela mo nageng. A re mokgwa wa go nna jaalo o dirwa ke batsadi fa pele ga batsadi ba bangwe. Kgosi Modiro a re batho ba latlha ngwao ya bone ka ba itebatsa meila ya botsetse mo ba kgonang go tlogela lesea le bana ba bangwe mme bone ba ye go tlhola ko ba tlholang teng. “Ngwana ga a kake a tlhokomela ngwana yo mongwe ka a sa itse gore o tshwanetse go mo direla eng gape a seka a dira eng,” go tlhalosa Kgosi Modiro. O rotloetsa batsadi go ema ka dinao go lwantsha seemo se gore bana ba gole gore banne le botshelo jo bo tokafetseng. A re batsadi ba tshwaragane go tswa ka maele a go leka go lwantsha seemo seo ka go tla babalela bokamoso ja lefatshe leno. Fa a mo tlatsa mookamedi mogolwane wa tsa itekodiso ko kokelong ya Gweta, Mme Yvonne Mokandla a re kgokgontsho ya lesea e simolola fela ka tikologo e ngwana a tshelelang mo go yone jaaka go mo apesa diaparo le go mo fa dijo. A re go tlhoka go mo direla jaalo go ka dira gore ngwana a gole a sa itse gore se se molemo ke sefe. A re tikologo ya dino tagi ga e a babalesega mo botshelong jwa ngwana ka e tla dira gore a seka a itse tshiamo ka a ithuta mo bathong ba ba mo tikologong ya gagwe. A re gape se se dira gore ngwana a seka a bona dijo sentle mme go dire gore dikotla tsa ngwana di nne ko tlase. Mme Mokandla a re batsadi ba itshekatsheke ba dirise meila ya bogologolo mo botsetseng gore ba tlhaloganye gore ke eng motho a tshwanetse go bewa botsetse. A re meila eo, e ne e sireletsa ngwana gore go seka ga nna ope yo o tswang ko ntle go ka tsenya ngwana bokoa. O tladitse ka go supa matshwenyego a batho ba e leng gone ba tsenelelang lenaneo la diritibatsi tsa mogare wa HIV/AIDS. A re bangwe ba a tlodisa, bangwe ga ba tle ka nako mme se se dire gore mmele o nne motlhofo go ka gatelelwa ke mogare. A re ba itemogetse go runya ga malwetse a sa tshelanweng a a tsayang botshelo e bong kankere ya lebele, ya molomo wa popelo le ya borre ya kgeleswa. A re malwetse a, a bakiwa ke go fetoga ka fa batho ba tshelang ka teng, fa mo gongwe go dirwa ke dijo tse batho ba di jang tse di tlhotlhilweng. O rotloetsa batho go ithatlhoba ka nako gore ba kgone go thusiwa malwetse a ise a ba gatelele. Bokhutlo
society
9
Leepile o tlaa fitlhwa kwa Digawana
Mokhanselara wa pele, Rre Joseph Leepile, o tlaa fitlhwa kwa Digawana kwa kgaolong ya Borwa ka Tshipi. Se se rurifaditswe ke monnawe moswi, Rre Edwin Leepile, mo potsolotsong ka Labone. Rre Leepile, yoo dingwaga tse 72, o tlhokafaletse kwa kokelong ya Athlone kwa Lobatase kgwedi eno e tlhola malatsi a mane morago ga go lwala ka bokhutshwane. Rre Leepile o tlhalositse fa mogolowe a simolotse dithuto tsa gagwe tse dipotlana ka ngwaga wa 1957 kwa sekoleng se sebotlana sa Digawana, mme a ya go di tsweledisa kwa sekolong se sebotlana sa Logonono kwa Kanye. Moswi o a ne a tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa Kanye Higher Primary School go fitlha ka ngwaga wa 1962, mme go tsweng foo a ya go dira dithuto tse di kgolwane kwa sekoleng se segolwane sa Seepapitso go fitlha ka ngwaga wa 1966. Fa a sena go wetsa dithuto tsa gagwe moswi o ne a thapiwa ke lephataa la tepo loapi kwa Gaborone ka ngwaga wa 1967, mme a direla mo lephateng leo go fitlha a tlogela tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2003, a tshegeditse maemo a chief technical officer. Monnawe moswi a re, e rile go tlogeleng tiro, Rre Leepile a inaakanya le tsa sepolotiki ka boloko jwa Botswana Democratic Party (BDP), mme ya re morago ga ditlhopho tsa setshaba tsa ngwaga wa 2004, ya nna mokhanselara yoo itlhophetsweng ke tona go fitlha ka ngwaga wa 2009. E rile ka ngwaga wa 2009, moswi Rre Leepile a emela ditlhopho tsa setshaba e ntse e le ka boloko jwa phathi ya BDP, mme a di fenya, ke fa a nna mokhanselara wa kgaolwana ya Mogojogojo go fitlha ka ngwaga wa 2014, phenyo e eneng ya mo tlhatlosa maemo, ka jaana a ne a tlhophiwa go nna modulasetilo wa khansele potlana ya Good-hope. Go tlhalositswe gore kwa ntle ga sepolotiki, moswi ene ele motho yo o ratang go rua, gape a rata moopelo. Moswi o tlogela, mosadi, bana ba le barataro, borre ba le bane, bomme ba babedi, le batsalwa-nae ba le bane.
society
9
Tiego ya pula e seka ya nna seipato molemisi
Motshwarelela mogolwane wa balemisi mo kgaolong ya Mahalapye, Mme Motlapele Phetlo, a re beng ba ditshukudu tsa temo ga ba tshwanela go dirisa tiego ya go tlhoka gona ga pula ka nako e le seipatlo sa go tlhoka go lemela Batswana jaaka puso e eletsa Mme Phetlo o boletse mo potsolotsong gore beng ba diterekere ba tshwanetse go diragatsa lenaneo la ISPAAD jaaka go solofetswe gore batho ba kgone go ntsha dijo tse di lekaneng tse e bileng di ka ba direla dipoelo. A re le fa pula e ka tsaya lebaka go phaila, balemisi ba ya go diragatsa maikaelelo a puso a go lemela batho ka ditselana le go dirisa menontshane gore Batswana ba dike ba nnile le tlhobo e nametsang. O tsweletse ka go tlhalosa gore ba ba tla ganang go lema ka ditselana, puso ga e na go ba duela ka jaana ba tla bo ba sa diragatsa maikaelelo a lenaneo la ISPAAD le maikaelelo a lone e leng go rotloetsa balemi go ntsha dijo tse di lekaneng gore lefatshe le no le emisa go ikaega ka go reka dijo kwa mafatsheng a mangwe. A re mo nakong ya gompieno lephata la temo-thuo le santse le abetse kgaolo ya gagwe diterekere tse nne (4) mme a bolela fa nngwe ya tsone e sa tlhole e bereka ntateng ya go se nyega. Mme Phetlo o rile ele ba lephata la selemise ba tshwenngwa ke batho ba eyareng ba sena go lemelwa ka dithuso tsa mmuso ba phuaganye masimo a bone goya go ikwadisa mo lenaneong la Ipelegeng, mme a re batho ba go nna jalo ba tla tseelwa dikgatlo tse di maleba. Mothusa modulasetilo wa lekgotla la beng ba diterekere Rre Lesego Baruti a re le fa ele keletso ya Puso gore batho ba lemelwe ka ditselana se be sa phiri ke tlhaelo ya di dirisiwa tsa temo ditshwana diterekere, megoma, dipolantara le go tlhoka go phaila ga pula ka nako e tshwanetseng. Rre Baruti o boletse fa lenaneo la ISPAAD le ka ntsha maduo a nametsang fa balemi,balemise le beng ba diterekere ba ka dirisana mmogo le go sala ditsamaiso tsa lenaneo la ISPAAD morago. A re go tlhoka go lemela batho sentle ga beng ba ditshukudu tsa temo, go tlhoka go duela beng ba diterekere ka nakoga balemise, go tlhoka go ntsha mhero mo dijwalong ga balemi le go lesa loruo le senya mo masimo ke dingwe tse di kgoreletsang maiteko a Puso a go rotloetsa Batswana go ntsha dijo tse di lekaneng. Mabapi le beng ba diterekere bangwe ba go bolelwang ba lopa balemi madi a peeletso ka maikaelelo a go reka lookwane Rre Baruti o kopile botlhe ba ba dirang jalo go emisa mokgwa wa go nna jalo ka a re seo ke goja balemi mogantlho ntswa Puso e ba duelela. Bokhutlo
society
9
Puophaa e bega komiti kgolo
Mokwaledi mogolo yo mosha wa Botswana National Front (BNF), Rre Moeti Mohwasa, o lebogetse maloko a pele a komiti kgolo ya phathi eo tiro ya bone e ntle. E rile a bua kwa phuthegong ya babega dikgang ka Labotlhano, Rre Mohwasa a re boeteledipele jwa nako e e fetileng jwa BNF bo tlaa tswelela bo ba ema nokeng O ne gape a ba tlhomamisetsa gore boeteledipele jo bosha jwa BNF, ja ga Rre Duma Boko a thusiwa ke Rev Prince Dibeela bo tlaa tlhomamisa gore phathi eo e nna e tsepame, e sa tswe mo tseleng. A re Puophaa e dule kwa Francistown e bopagane. Mme fa bangwe ba ne ba gopola gore BNF e kgologolo ya makgamu e boile, fela ka go ne go na le dipharologano fale le fale tsa megopolo, bogolo jang ka nako ya ditlhopho, batho ba ka solofediwa fela gore e ne le jone bothatanyana fela mme sengwe le sengwe se tsamaile ka thelelo. Ka one mabaka ao, a re seabe sa BNF mo kopanong ya diphathi ya Umbrella for Democratic Change le diphetogo tse e di dirang mo kopanong eo, e tlaa bo e le tse dikgolo thata. Phuthego eo e ne ya tshwarwa ka malatsi a boitapoloso a ga Tautona kwa Francistown, go tlhopha boeteledipele jo bosha. Phuthego eo gape e ne ya dirisiwa go rolela babegadikgang maloko a masha a komitikgolo.
politics
7
Motlobo wa dibuka o fetola matshelo a batho
Motlobo wa dibuka kwa Lentsweletau o tsweletse ka go tsisa pharologanyo mo matshelong a banana ba koo gammogo le metse e e mabapi. Moithaopi kwa motlobong oo, Mme Charity Dikoko a re motlobo o, o ka fa tlase ga boeteledipele jwa komiti ya ditlhabololo tsa motse, mme o na le dingwaga di feta masome a mararo o ntse o tsweletse sentle. A re ntswa motlobo o o na le dingwaga o ntse o le teng, o ne o sena ditlamelo ka bontsi. O ne o na le dibuka fela gape o sa dirisiwe thata. “E ne ya re bosheng wa tokafadiwa go nna le ditlamelo tsa maranyane le metshameko fela jaaka metlobo e mengwe,” Mme Dikoko a tlhalosetsa BOPA mo potsolotsong. A re motlobo o dirisiwa ke banana ba motse oo ga mmogo le metse e e mabapi jaaka Medie, Dikgatlhong, Kgope le Kweneng. O tlhalositse fa motlobo o, o na le dikamore di le tharo ebong ya dibuka le dikhomputara, ya metshameko le dithuto tsa bana ba dikole tse di kwa tlase ga mmogo le kamore e e beelang dilwana. “Motlobo o, o mosola fela thata ka banana ba sa tlhole ba latela ditlamelo tsa maranyane kwa toropong jaaka pele, mme ba kgona go ikopela ditiro motlhofo le ka bofefo mo maranyane a,” a tlhalosa. A re seo, ke sesupo sa gore motse o a gola ebile o tlhabologile go tshwantshanngwa le nako e e fetileng. Mme Dikoko a re motlobo o, o ntshitse banana mo mekgwatheng ka ba dirisa maranyane go batla ditiro, dipatlisiso le go bapatsa dikgwebo tsa bone. A re mosola o mongwe wa motlobo ke gore banana ba nna le sebaka sa go ithuta go dirisa dikhomputara, a supa fa a lemogile fa go ne go na le ba le mmalwa ba ba neng ba sa itse go di dirisa. Mme Dikoko a re banana ba nnile le sebaka sa go ithuta go tshameka metshameko ka go farologana e tshwana le Chess e go lebegang ba e rata thata. A re bana ba dikole tse di kwa tlase le bone ba nnile le sebaka sa go ithuta metshameko ya setso e tshwana le morabaraba, diketo le e mengwe. Le fa go ntse jalo a re motlobo o, o lebaganwe ke dikgwetlho di le mmalwa jaaka tlhaelo ya bodiredi. A re mo nakong ya gompieno ke ene modiri a le nosi fela, mo go dirang tiro thata ka bangwe ba felela ba mo emela lebaka le le leele fa batho ba le bantsi gore a ba thuse. Mme Koko a re gape go na le tlhaelo e ntsi ya didirisiwa di tshwana le dibalamakgolo, dibuka le tse dingwe. A re mo nakong ya gompieno go na le dikhoputara di le tharo fela ntswa banana ba ba di dirisang ba le bantsi. Mme Dikoko a re komiti ya ditlhabololo tsa motse e tsweletse ka go batlela motlobo oo lefelo la sennelaruri. A re mo nakong ya gompieno o direla kwa diofising tsa VDC mme lefelo leo le lennye.
education
4
Kago ya diofisi e fa banni tsholofelo
Banni ba Ntlhantlhe mo kgaolong ya Borwa ba itumeletse diofisi tsa puso tse di agwang kwa motseng oo. Kago e, e simolotswe ka 2014 mme e tlaa wela ngwaga ono o ya fifing, go ya ka modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Botsile Letlape mo potsolosong. A re kago eo e agwa ke khansele ka lenaneo la Ipelegeng mme e na le diofisi ka go farologana jaaka ya ga mmaboipelego, Omang, matsalo le dintsho, ya ga molaodi le tse dingwe. A re e tlaa bo e thusa banni ba motse oo le ba metse e e mabapi jaaka Magotlhwane le Ranaka. Mme Letlape a re ga ba na go tlhola ba latela ditlamelo kgakala kwa Kanye le Lobatse. A re ba tlaa nna le sebaka sa go akola ditirelo tse di botlhokwa mo lefelong le le lengwe ba sa kgarakgatshege jaaka go ntse go diragala. A re seemo seo e bile se ntse se tsenya bagodi mo diphatseng. Mongwe wa banana, Mme Bontle Moreki a re o itumetse ka ba ntse ba kopa ditlamelo dingwe tse di amang banana kwa Moshupa mme mosepele wa teng o le sekgala gape o tura. Mme Moreki a re mo gongwe motho o ne a patelesega go boela Moshupa gantsi fa a sa bona thuso mme seo e le madi a mantsi. A re kago eo e tlaa ba atameletsa ditlamelo go bo go rotloetse banana go inaakanya le mananeo a puso. Mme Moreki a re e le monana yo o sa berekeng o solofetse gore diofisi tseo di ba bule diphatlha dingwe tsa go bereka jaaka go phepafatsa, go tlhokomela dikago le tse dingwe. “E bile ke solofetse gore banana bangwe ba tlaa nna le sebaka sa go ipulela dikgwebo fa pele ga dikago tse jaaka tsa go rekisa dijo, dimonamone le tse dingwe,” ga bua Mme Moreki. A re kago ya diofisi tseo e tsisitse tsholofelo e ntsi mo go bone e bile ba eletsa gore e tsise pharologanyo e e bonalang mo matshelong a banni ba motse. Mongwe wa baagi yo o mo tirong ya go aga dikago tseo, Rre Joseph Morolwa a re mo nakong ya gompieno ba setse ba simolotse go tlhomesa. Are o solofetse gore mo nakong e e sa fediseng pelo kago eo e tlaa bo e rulelwa. Rre Morolwa a re kago e ne ya diiwa ke tlhaelo ya didirisiwa mme a tlhalosa fa di setse di gorogile, selo se a reng se ba tiisitse moko.
politics
7
Nyeletso Lehuma e belege Nkele
Moakodi wa lenaneo la nyeletso lehuma Mme Pinkie Nkele a re go botlhokwa gore Batswana ba ikwadisetsa mananeo a puso jaaka la nyeletso lehuma ka le kgonne go mo fa seriti mo setshabeng. Fa a tlhalosa mo potsolosong le Mme yo wa dingwaga tse di masome a mane le botlhano, mme wa bana ba bararo a re ka nako ya a fiwa dipodi, go ne go kwakwaletse, lefatshe le ntse lesetlha ke leuba e bile go le thata go ruao. Mme a re o ne a seka a kgobega marapo, ya re ka ngwaga wa 2016/2017, seemo sa tokafala mme leruo la simolola go ata. 2018 e ne ya nna ngwaga o mo namagadi mo leruong la gagwe, ka dipodi tsa gagwe di ne tsa tsala tsa tlatsa lesaka, selo se se neng sa mo kgontsha go rekisa di le mmalwanyana. Morui yo, o rekisa diphorogotlho P1 500 e le nngwe, merobana e tsamaya P1 000. Madi a a neng a a kgobokanya, mme Nkele a re o ne a gokelela motlakase le metsi mo lapeng, a agelela jarata a bo a reka motlhaba ka a na le keletso ya go oketsa ntlo ya gagwe ya dikamore tse pedi mo bogaufing. “Mo nakong ya gompieno, ke na le dipodi di le masome a marataro le bone; tse dinamagadi di le masome a mararo, tse ditonanyana di le masome mabedi le bongwe le dipotsane di le lesome le boraro,” a tlhalosa. O tlhalositse fa bontsi jwa tsone e le merobanyana, ka jalo a santse a di godisa mme e tlaa re fa di sena go goroga mo seemong sa gore di ka rekisiwa ka madi a a botoka, a dire jalo gore a tswelele ka go itlhabolola. Fa a nankola gore kgwebo ya gagwe e rotloediwa ke bomang, Mme Nkele o boletse fa a rekisetsa batho ba motse, bagwebi, manyalo le dintsho. “Mme ke na le keletso le kgatlhego ya go rekisetsa lenaneo la nyeletso lehuma go thusa ba ba mo seemong se ke duleng mo go sone,” a rialo. Ka e le mme yo o tlhaga, Mme Nkele a re o tsoga moso le moso ka nako ya borataro a ya go tlhola leruo kwa sakeng. A re fa gare ga nako ya lesome le bongwe le ya bongwe mo motshegareng, o bolotsa dipodi mme a di gatelele go di isa kwa nokeng ya Madikwe go ya go di nosa. “Motshegare ke tlhola ke di kgaolela ditlhare ke be ke di tsenya mo sakeng ka ga go na phulo. Ka nako ya botlhano maitseboa ke a di tlhatlhela.” Ntswa dipodi tsa gagwe di dira sentle Mme Nkele o supile fa a na le dikgwetlho di le mmalwa. “Ntle le bophokojwe ba ba maoto mabedi, malwetse ke kgwetlho. Dipodi tsa me di tshwenngwa ke dikgofa fa gare ga maroo le ditlhagala tse dikima mo melaleng. Mme ba ofisi ya Nyeletso lehuma ba nthusa thata ka melemo le bogakolodi fa ke na le seemo se se ntseng jalo,” a tshwaela. Mme Nkele o boletse fa podi e le seruiwa se se bogadi bo gaufi mme e bile di se dingalo go di rua, ka jalo o kgothatsa Batswana go tsaya lenaneo la dipodi le go tia moko mo go se ba se dirang gore ba kgone ditoro tsa bone tsa go ka fetoga go nna bagwebi ba tlhwatlhwa le go tokafatsa matshelo a bone. O boletse fa a na le keletso ya go godisa kgwebo ya gagwe ka go reka dikoko tsa nama.
economy_business_and_finance
3
Ba batla Mc Carthy’s Rust a tlhomamisiwa
Banni ba Mc Carthy's Rust mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba re ga ba jesiwe diwelang ke go tlhoka go tlhomamisiwa semmuso ga motse wa bone. Banni ba buile mafoko a mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa bone Rre Frans Van Der Westhuizen bosheng. Fa a amogela baeng, Kgosi Jonny Engleburg wa motse oo o ne a bolela fa go tlhoka go rurifadiwa ga motse wa bone mo go tsereng lobaka lo lo leele go ba rontsha go akola mananeo a puso a a leng teng ka ba kgona go tokafatsa matshelo a bone ka one, tlhaelo ya metsi le go tlhoka go thusiwa ka nako ga balwetse kwa sepateleng sa Tsabong. Kgosi Engleburg o ne a ngongorega gape le ka dikgosana tsa gagwe tse di saletseng kwa morago go bewa semmuso le gone go neelwa dikatso. Mo tekodisong ya gagwe mopalamente yo e bileng gape e le mothusa tona ya dikgaolo le tlhabololo magae Rre Van Der Westhuizen o ne a tlhalosetsa banni fa a tswa kgakala a setse kgang ya go rurifatswa ga motse wa bone morago a kaya fa jaanong mo nakong ya gompieno e le mo legatong la bofelo kwa palamenteng gore o tlhomamisiwe semmuso. O ne a solofetsa banni fa e tlaa re mo loeteong lwa gagwe gape mo motseng wa bone a tle ka phetolo e e tlaa ba itumedisang, a ba akgolela go nna le seabe mo go tlhomamiseng gore boipuso jwa masome a matlhano jo bo fetileng bo ketekwa ka thelelo mo motseng oo. Mongwe wa bagolo ba motse Rre Keleofile Tebelo o ne a bua a menne phatla ka tiego ya go tlhoka go tlhomamisiwa ga motse wa bone go ba baya ka fa mosing ka ba sa kgone go phuthologa mo motseng oo ka go aga bonno jo bo botoka ka ba sa bewa ditsha tsa sennela ruri. Fa a tswa la gagwe kgosana Fani Tumaeletse wa motse oo, o ne a iteela kobo moroko mafoko a ga Rre Tebele a ba a kopa ba khansele go ba thusa ka lenaneo la go tsaya matlakala ka dikotsekara mo motseng e le tsela nngwe ya gore banni bangwe ba tle ba kgone go oba lebogo ka ba thusiwa fela ke go bereka mo ipelegeng. Kgosana Tumaeletse o ne gape a ngongorega ka tsela ya Tsabong / Mc Carthy's Rust e e setseng e se mo seemong se se itumedisang ka e le dikhuti, o ne a bolela fa e le botlhokwa ka e tshwaraganya lefatshe la Afrika Borwa le Botswana. Go le pele banni ba ne gape ba ngongorega ka bana ba sekole seo ba ba yang go dira lokwalo lwa bone kwa dikoleng tse dingwe kwa Tsabong ba re batsadi ga ba kgone go duela madi a boroko a matlo a ba a hirisetswang le gone gore ga ba na tlhokomelo e e siameng fa ba le koo. Fa a ba kgwa dikgaba motshwarelela mokwaledi mogolo mo khanseleng ya Kgalagadi Rre Joseph Segopa o ne a bolela fa mo ngwageng wa madi wa 2017/2018 le bone ba tlaa akola lenaneo la go tsaya matlakala jaaka metse e mengwe. Rre Segopa o ne a kaya gore le fa ntswa motse oo o ise o tlhomamisiwe khansele e leka ka bojotlhe go tsisa ditlhabololo ka mo nakong ya gompieno e setse e agile sekole se sebotlana sa matlo a borutelo a mabedi mme e bile a setse a okediwa go nna mane. Mo sepalamong sa bana go ba isa dikoleng kwa Tsabong o supile fa ba khansele ba sa ntse ba le mo ditshekatshekong gore ba ka thusiwa ka tsela e e ntseng jang. Mogokgo wa sekole seo Mme Kganetso Kavari o ne a tlhalosa fa sekole seo se amogetse bana ba le masome a mararo ba ba felelang ka lokwalo lwa boraro. A re bana ba tshwanelwa ke go ya go tsweledisa dithuto kwa dikoleng tse dingwe selo se a reng se ba kgoreletsa go tswelela sentle le gone go atlega mo dithutong tsa bone. Mooki yo mogolwane mo kokelong ya Tsabong Mme Selina Sethibang fa a tsibogela tsa botsogo o ne a bolela fa kokelo eo e tlhaelelwa ke dingaka ka di supa ka palo mo boemong jwa go nna lesome le boraro selo se a reng se kgoreletsa setshaba go bona dithuso ka bonako. Mme Sethibang o boletse fa mo nakong ya gompieno ba thusa banni ba motse oo fela ka koloi e e tsamayang gangwe mo kgweding mme nako e ntsi ba latela sepatela fa ba lwala dikhilomithara di ka nna masome a mabedi le botlhano. A re fa motse oo o ka tlhomamisiwa mo ditshekatshekong tsa lephata la botsogo gongwe motse oo o ka agelwa kokelwana fa madi a le teng go fokotsa mosuke kwa sepateleng le gone go ba atameletsa ditirelo tsa botsogo gaufi. BOKHUTLO
politics
7
Bakwena ba kopiwa go tshwaragana
Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Jeffery Sibisibi a re Molepolole o lebanwe ke dikgwetlho di le mmalwa, ka jalo a kopa Bakwena go tshwaragana le khansele go rarabolola seemo seo. Rre Sibisibi, yo o neng a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Molepolole, a re mo ditshekatshekong tse ba di dirileng ba lemogile fa khansele e le nosi e se kake ya kgona. Le fa go ntse jalo a re bodiredi jwa khansele bo tlaa itoma sanngate go bona gore dikgwetlho tse ba lebaganeng le tsone ba ka di kgona jang. O kopile morafe go ntsha megopolo e ba ka e dirisang go kopa madi kwa pusong go dira ditiro tsa ditlhabololo. Modulasetilo o bile a tlhalosa fa dingwe tsa ditiro tsa Ipelegeng di tsweletse, mme go santse go sa lekana ka jaana ka dinako tse dingwe badiri ba salela kwa morago ka ntata ya tlhaelo ya didirisiwa . O bile a tlhalosa fa khansele e le mo thulaganyong ya go tlhoafalela go isa ditlamelo kwa bathong, a re ba lemogile fa mo nakong e e fetileng go ne go ntse go se na thulaganyo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Boitumelo Kably ene o tlhalositse fa komiti e sa nna le ditiro dipe tse di bonalang ka jaana ba ne ba tshwaragane le ditiro tsa go baakanyetsa molelo wa kgolagano le boipuso jwa masome a matlhano. Le fa go ntse jalo, a re Ipelegeng e tsweletse tsa go phepafatsa motse ka go ntsha ditlhare tse gantsi dirukutlhi di iphitlhang mo go tsone. Modulasetilo o bile a tlhalosa fa kgaolo ya Borakalalo le Boswelakoko di sa tsamaege ka nako ya fa dipula di nele e bile metsi a tsenelela batho mo malapeng le bana ba dikole ba sa ye dikoleng sentle ,ka jalo a kopa khansele go rarabolola seemo seo . Ka pego ya ditiro tsa molelo wa kgolagano le boipuso, e e santseng e saletse morago ,modulasetilo o kopile Bakwena go ba inela diatla metsing ka jaana dipego di ise di dirwe, a re e tlaare fa di sena go dirwa ba lekodisiwe . Mo phuthegong eo morafe o ne wa ngongorega ka seemo se se maswe sa ditsela mo motseng, letlhoko la metsi le kgopho ya metsi a a leswe e ba tlhalositseng fa e le yone e paledisang go tswelela ga ditlhabololo.
politics
7
Puso e leboga batlamedi ba bana
Puso e lebogela seabe sa batsadi ba ba tsereng boikarabelo jwa go tlhokomela le go godisa bana ba masika le ditsala ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi. Mothusa tautona Rre Slumber Tsogwane o buile jalo pele ga letsatsi la botsalo jwa morena mo metseng ya kgaolo ya Boteti bophirima jaaka a ne a abela bana ba masiela le dikhutsana dimpho tsa keresemose. O ne a leboga go menagane batsadi ba ba tlhokomelang bana ba. O supile gore go abela bana bao dimpho ngwaga le ngwaga go botlhokwa le fa di se kake tsa ba goga lobaka mme di tsisa monyenyo mo difatlhegong tsa bone le fa e le ka nakwana. Rre Tsogwane o tlhalositse gore tiro ya go abela ba ba seng lesego mo setshabeng e dirwa ke batho ba ba lorato e bile ba le kutlwelobotlhoko. “Ga re eletse go bona motho e le motlhoki kana a tlhokafaletswe ke batsadi ba ba neng ba thusa ka ditlamelo tsa botshelo.” Rre Tsogwane a re go utlwisa botlhoko ka gore bangwe ba bana ba latlhegelwa ke batsadi ba sale babotlana, ba sa kgone go itirela sepe, ka jalo ba tlhoka go tshwaraganelwa ke setshaba gore ba gole sentle ba kaelwa tsela e boammaaruri ka lorato. Rre Tsogwane a re puso ga e robadiwe ke dikgwetlho di akaretsa lehuma, letlhoko la ditiro, le go tlhaelelwa ke ditlamelo ga bana bangwe ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi. A re ba masika ba tswa kgakala ba leka go tlamela bana ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi, le fa go ntse jalo a re go a tshwenya go bona batho ba itsholelo e e botoka ba ngosela go thusa ba ba dikobo di magetleng. “Ntsha se o nang le sone go thusa. Go a tshwenya go bona motho a latlha dijo moagisanyi a lala ka logaba.” Rre Tsogwane o lebogile dikompone le batho ka bongwe ka bongwe ba ba itlamileng go tswelela ba thusa. A re puso e tsweletse ka mananeo go leka go lwantsha dikgwetlho tse di amang ditlhopha dingwe mo setshabeng jaaka bagodi, ba-na-le bogole, bana ba dikhutsana le masiela, a tlatsa ka go re puso e tlaa tswelela ka go itela mo dikomponeng le setshaba go thusa. Go nna le seabe ga dikompone le batho bangwe ga se go ikgantsha ke go supa lorato le bopelotlhomogi. O gakolotse batlhokomedi ba dikhutsana le masiela go tlhokomela dimpho tse di filweng bana gore ba di akole ka boammaaruri. Seabe kana lorato le le tswang mo setshabeng se ka dira gore dikhutsana le masiela ba gole sentle ba na le boikarabelo, ba lemoga gore ba na le boleng mo setshabeng. Rre Tsogwane o gakolotse setshaba go tsweledisa mekgwa e e neng e thusa gore ba tshele ka tshwaragano, lorato le go thusa ba ba tlhokang.
society
9
Ditlou di jesetsa balemi mo kgobedung
Balemi barui ba Rakops mo kgaolong potlana ya Boteti ba lela ka tshenyo ya ditlou tse bareng di ba senyetsa didiba e bile di kgaola diterata tsa masimo mme di upotse temo ya bone ba bo boele kwa gae ba iphotlhere. Ba ntshitse selelo se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mothusa tona wa lephata la temo-thuo, Rre Fidelis Molao kwa Rakops. Ba re le fa diphologolo di ba senyetsa jaana ba lephata la diphologolo le makgabisa naga ba maoto a tshupa go ya go bona tshenyo ntswa ba e begetswe ba tlatsa ka gore gape ga ba duelo madi a phimolo dikeledi ka nako Ba re ga baitse gore puso fa e sa tseye kgato ka ditlou tse jaana ,ga e bone fa e busetsa kwa morago maiteko a yone a go thusa balemi ka go ba lemela. Balemi barui ba re fa go sa dirwe sengwe ka ditlou tse ba ya go tshelela mo lehumeng ka jaana maiteko a bone a go lema gore ba e jese le go direle lefatshe leno dijo a phuthamisiwa ke tshenyo ya ditlou.Barui ba ne gape ba lela ka koporase ya Botswana Meat Commission (BMC) ba re e tsaya sebaka go ba duela fa ba rekisetse dikgomo mo go bone. Mongwe wa barui Rre Joseph Nenguva a re lephata la temo-thuo le jewa ke la diphologolo a supa gore mananeo a temo-thuo mo kgaolong ya bone a kgoreletswa ke diphologolo . o ne gape a re o kopa gore ba duelwe ka nako fa ba senyeditswe ke diphologolo . Rre Batontoki Ramakhubu e ne o ne a re batla go isa dikgomo tsa bone kwa kgwedisong ka seatla a re mo nakong ya gompieno ga ba nna kwa ba diisang teng a tlhaolosa fa ba kile ba bo ba isa kwa Makalamabedi. O ne gape a ngongorega ka ba lephata la diphologolo a re ditlou di sale di sentse masimo a gagwe ga baisi baye go bona tshenyo. Rre Selonyana Nyande o ne a re o lebogela go bo puso e ba thusitse ka go ba teratela masimo a a kopanetsweng a re sebe sa phiri ke gore jaanong terata e o e kgaolwa ke ditlou a tlhalosa fa ba ne ba kopa gore e tsengwe motlakase . Mme Tuane Gabokgatlhe le ene o ne a lebogela lenaneo la LIMID a re mathata a bone ke mmaraka wa dipudi tsa dipholo ,a re boradibuchara ba reka ka madi a mannye atlatsa ka gore ba o kopelwe kwa go ba sesole sa Botswana le lephata dikgolegelo. E ne e rile gole pele fa amogela baeng mothusa kgosi wa Rakops Rre Kagiso Mabona, a supa fa temo-thuo e le mokwatla wa Motswana ka jalo banni ba motse wa gagwe ba rata temo mathata ke ditlou a re fa ba lemile ba itsela fela, le ba ditshingwana tse di mo thoko ga noka di a basenyetsa atlatsa ka gore ba tlhoka go rutuntshiwa gore ba tshele diphologolo jang. Kgosi Mabona a re mananeo teng ba a a bona mme mathata ke dijo tsa leruo a supa fa marekisetso a dijo le melemo ya leruo a sa bereke ,le metsi a re noka ga e ikangwe ka fa gongwe e kgala. O bile a lela ka tlhaelo ya metsi mo e bile bangwe ba nwa metsi a noka a a seng phepa. E ne e rile go pele mothusa tona a ba lekodisa gore le bone ele lephata temo-thuo ba lemogile gore ba tshela madi mo mothobodikeng ka ntata ya tshenyo ya diphologolo a re ga ba a nna fela ba thulantse ditlhogo le ba lephata la diphologolo go bona gore ba ka dirang go hema seemo se. Mothusa tona a re o lemogile gore selelo segolo sa kgaolo e ke tshenyo ya diphologolo, a re lefa diphologolo di tsisa itsholelo ga di a tshwanela go senya. O ne a lebogela mananeo go bo a tsweletse lefa go nna le dikgwetlo. Rre Molao o ne a rotloetsa balemi/ barui go tlhama dikomiti le mekgatlo ya balemi barui tse a reng ke tsone di tsamaisang kgang le matshwenyego a bone tsa temo-thuo a tlatsa ka gore ke tsone ba tshwanetse go bereka le tsone. O ne a re mathata a diterekere ga se gore di a tlaela go dirwa ke gore ba lemelana ka losika ,a kgotlhatsa borraditerekere go dirisana go tiro ya bone ene motlhofo ba dira jalo ka go kgaogana ditiro . Mothusa tona a re bantshitse VAT mo didirisiweng tsa temo-thuo,a re maikaelelo a puso ke gore Batswana ba dire kgwebo ka temo. BOKHUTLO
society
9
Borukutlhi bo a kekela kwa Tonota
Banni ba kgotlana ya Lemboko kwa Tonota ba ngongoregetse borukutlhi jo bo golelang pele mo motseng wa bone. Se se builwe ke Kgosi Moiteela Sebika fa a ne a amogela baeng kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Tonota e bile gape e le tona wa banana, metshameko le ngwao Rre Thapelo Olopeng Phatwe a le lesome le botlhano. Kgosi Sebika a re o tshwenngwa ke dirukutlhi mme go tsaya nako gore mapodisi a tsibogele seemo se. O tlhalositse fa letlhoko la dikoloi tsa mapodisi le sa ba jese di welang ka gore dirukutlhi di felela di itirelela. A re boitshwaro jwa banana ga bo itumedise ka ba itontela nnotagi ba bo ba goga motokwane mme se se dire gore ba inaakanye le borukutlhi. Kgosi Sebika a re banana ba kgotlana ya gagwe ga ba kgatlhegele diphuthego tse di tshwarwang mo kgotleng, mme a kopa banana go dirisa ofisi ya gagwe ka dinako tsotlhe. O ngongoregetse ditlhwatlhwa tsa metsi tse a reng di nna di le kwa godimo fela ka dinako tsotlhe mme metsi a tsweletse ka go tshologa gongwe le gongwe mo motseng. Rre Olopeng ene o ne a kopa batsadi go kgalema, a re Setswana sa re lore lo ojwa lo sale metsi jalo go nna bone baeteledipele ba ka moso ba tshwanetse go nna bokao mo setshabeng. O gakolotse banana go nna le botho mme a re bagolo ba rute bana go nna le botho le boikarabelo le gone go tlotla bagolo. Rre Olopeng a re o tshwennngwa ke letlhoko la ditiro mo bananeng, le fa go ntse jalo o rotloeditse banana gore ba seka ba fela dipelo mme ba dirise mananeo a ga goromente a a lwantshang lehuma mme ba nne ba bale dipampiri tsa dikgang le go reetsa seromamowa go batla ditiro. O akgoletse banni go bona lenaneo la ipelegeng le ba reng le tsamaya sentle le fa itsholelo ya Botswana e le kwa tlase mme le kgona go thusa Batswana ka ditiro. O kopile banni gore e re ka ipelelo boipuso e le gaufi, ba itshware ka boitshwaro jo bo lolameng gore go rene kagiso le thokgamo magareng ga bone. Rre Olopeng o gakolotse banni gape gore ba seka ba baya sengwe le sengwe mo pusong fela mme ba itirele ka bobone mme a rotloetsa banni go apara mebala ya Botswana kgwedi ya Lwetse yotlhe.
crime_law_and_justice
1
Metsi a dinoka tsa mafatshe a a kopanelwa
Mookamedi wa lephata la metsi, Rre Obakeng Obakeng a re gore metsi a dinoka tse di ralalang mafatshe a tshwanetse go dirisiwa ka go kopanelwa ke batho ba mafatshe ao go setswe morago melawana ya lekgotla la ditshaba morago. Rre Obakeng o buile jalo fa a ne a tsibogela potso ya ga Mme Gaboutlwelwe Tshukudu yo o neng a ngongoregela batho bangwe ba go bolelwang ba ikgagapelela tiriso ya metsi a noka ya Limpopo.O boletse jalo mo thutopuisanong e e neng e tshwaretswe kwa Mahalapye bosheng, Bangwe go umakwa fa ba setse ba epile didiba mo thoko ga noka eo ntswa go se na morero le bagolwane ba lephata la metsi mo Botswana. A re ka fa melawaneng ya lekgotla la ditshaba e laolang tiriso ya metsi a dinoka tse di ralalang mafatshe e tlhalosang ka teng, batho ba mafatshe a dinoka tseo di tsenang ka one ba tshwanetse go rerisana pele ga ba ka itirisetsa metsi ao. O bile a bolela fa go se na batho ba lefatshe lepe ba ba tshwanetseng go meta noka epe ntleng le therisano. Rre Obakeng o tlhalositse fa lephata la gagwe le tlaa itebaganya le go tlhotlhomisa dikgang tsa go nna jalo kwa baleming ba dipolase tsa Tuliblock ka e le bone ba ba gaufi thata le noka eo. A re lephata la gagwe le itebagantse thata le go epa didiba, go epa matamo le go meta dinoka tsa lefatshe leno ga mmogo le metsi a makgobokgobo a Ngami gore a seka a kgotlelesega le go bona selekanyo sa metsi a dinoka tseo. A re mo isagong badiri ba lephata leo ba ikaelela go tswa ka methale e e ka dirisiwang go thibela letsatsi go tsaya metsi mo matamong ka selekanyo se se kwa godimo gore matamo a seka a kgala kgapetsakgapetsa jaaka go diragetse ka letamo la Gaborone. Rre Obakeng o ne a tlhalosetsa batho ba ba neng ba tsene thutopuisano eo gore dingwe tse di kgoreleditseng letamo la Gaborone go nna le metsi a mantsi ke go na ka boutsana ga dipula le batho bangwe ba ba dirileng matangwana a a nosetsang merogo mo thoko ga noka e e tshelang letamo leo, le go bolelwang le kgadile. O rile e re ntswa e le keletso ya puso go tswelela ka go epa matamo go nosa batho ba ditoropo le metse e metona jaaka Borolong, Kanye, Molepolole, Mochudi, Serowe, le Maun, sebe sa phiri ke letlhoko la madi le go fela ga mafelo a go ka agwang matamo mo go one. O tsweletse ka go tlhalosa fa e le maikaelelo a lephata la gagwe go siela metsi batho ba metse e e ralalwang ke phaephe e e gogang metsi kwa Bokone go ya kwa Borwa jwa lefatshe leno fela fa go na le mabaka a a kgotsofatsang a go supa fa batho ba metse ya go nna jalo ba tlhaelelwa ke metsi. Rre Obakeng o rile le fa puso e neetse koporase ya Water Utilities boikarabelo jwa go siela Batswana metsi mo ditoropong le mo metsing ya magae, gone lephata la gagwe le sa ntse le neilwe boikarabelo jwa go tlhokomela tiriso ya metsi, go epa didiba le matamo, go meta dinoka le go neela batho tshwanelo ya go dirisa metsi ga mmogo le go kwadisa didiba tse di epilweng ke beng. O tlhalositse fa dingwe tse di tlaa dirwang go somarela metsi e le go fokotsa dipompo tse di dirisiwang go nosa morafe mo magaeng, go gagamaletsa dikgato batho ba ba nosang diruiwa metsi a setshaba le go tseela dikgato batho ba ba kgotlelang metsi.
politics
7
Makhanselara a ngongorega ka mananeo
Makhanselara a kgaolo ya Legare ba re ba ngongorega ka tsamaiso ya mananeo a puso a a diretsweng go thusa Batswana mme jaanong go sa nne jalo. Ba buile mafoko a mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng kwa Serowe fa ba akgela mo pegong ya modulasetilo wa khansele. Mokhanselara wa kgaolwana ya Mmadinare Bokone Bophirima, Mme Banabotlhe Mpheke, a re mananeo a bomme a lephata la bong ga a sa tlhole a thusa bomme ka sepe ka tsamaiso ya one e le thata. Mme Mpheke a re mananeo a diretswe go ntsha Batswana mo lehumeng bogolo jang bomme, mme jaanong a dirilwe bokete mo bomme ba sa kgoneng go a sala morago. A re go nale dikgwetlho tse dintsi fela tse di itsang gore ere bomme ba ipopile setlhopha ba kgone go atlega. O ne a tlhalosa fa mananeo a le mantle e bile a eletsega. Le fa go ntse jalo a re ga a sa tlhole a na le mosola ka go na le dikgoreletsi mo ditseleng tsa go ka a bona. E rile a mo tlatsa, mokhanselara wa Matobo/Goshwwe, Rre Sam Dambe, a tlhalosa fa lephata la bong e le ruri le ketefaletsa matshelo a Batswana kwa pele. Rre Dambe a re ga gona tswelelo pele kwa dikgaolong mo mananeong a lephata bogolo jang mo dikgwebong tse di setseng di simolotse. A re ga gona tlhokomelo e e tseneletseng go bona gore ditirelo di dira jang mme bangwe ba felele ba tlogetse. O ne a tlhalosa le ene gore e re ntswa mananeo a diretswe go ntsha Batswana mo lehumeng jaanong a ba ketefaletsa botshelo. Mokhanselara wa Nata, Rre Keiphele Stephen, ene o ne a supa fa mananeo a sa tswela batho mosola. A re ditlamelo tse ba tshwanetseng go thusiwa ka tsone di diega go tla mme a kopa gore bogolo bodiredi jwa puso bo ikopanye, ba kgobokanye didirisiwa tse di tlhokegang pele ba ka di isa kwa bathong. Rre Stephen a re kwa kgaolong ya gagwe ba lenaneo la ditshingwana tsa merogo ba eme fela ka matlowa, a a senang tiro go sa ntse go letilwe didirisiwa tse dingwe. A re fa gongwe motlhaba o tlaabo o sale jaaka o tshetswe e bile o boe o fediwe ke dipula go sa ntse go emetswe didirisiwa tse dingwe gore batlhoki ba agelwe matlo. Fa ba bua ka lenaneo la matlo la SHHA, ba ne ba bua ba sa kgwe mathe ba re batho ga ba sa tlhole ba akola lenaneo le fa le sale le ntshiwa mo dikhanseleng. Mokhanselara wa kgaolo ya Tsienyane Botlhaba, Rre Reuben Erastus, a re ba bonna matlo a SHHA kwa dikgaolong tse dingwe fa tse dingwe go sena sepe. A re gape dikopo di tsaya lobaka batho ba bo ba felele ba itlhobogile. Bokhutlo
politics
7
Monana o gweba ka go apeela badiri ba Ipelegeng
Monana mongwe kwa Phala Road mo kgaolong potlana ya Mahalapye o itumeletse lenaneo la puso la go apeela badiri ba Ipelegeng. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Kesego Molabi, yo o dingwaga di masome a mararo le botlhano o boletse fa a simolotse go apeela badiri ba Ipelegeng ka Moranang. Mme Molabi o boletse fa a sa rutelwa kapei ko sekolong mme a ithutetse mo lwapeng fa a gola. Pele ga a simolola go apeela badiri ba Ipelegeng Mme Molabi o boletse fa ane a itshetsa ka go rekisa menoto, dithogo le mateng a dikoko tse a neng a di reka ko Mmamashia. Pele ga moo o bolelela fa ane a berekela Kompone ya Bobirwa Bricks ko Tlokweng lebaka la dingwaga di ferabongwe mme a togela ka mabaka a bolwetse le dikatso tse di neng disa fetole botshelo jwa gagwe. O thalositse gore fa motho a apeela badiri ba Ipelegeng go bothokwa gore a apeele mo lifelong le le phepa le gore moapei a nne phepa fa a apaya dijo le fa a isetsa badiri dijo. O boletse fa a apeela badiri ba Ipelegeng mapakiwa le senotsididi ka Mosupologo, dinawa tse di thakantsweng le setampa ka Labobedi, bogobe le seshabo e bong morogo kana nama ka Laboraro, ka Labone o boeletsa dijo tse a di appeileng ka Mosupologo mme ka Labothano o boeletsa dijo tse a di apeeileng ka Labobedi. Mme Molabi o thalositse fa go le bothokwa gore mogwebi yo o apeelang badiri ba ipelegeng a itse selekanyo sa madi a a tla dirisiwang go reka dijo, gape o boletse fag ole molemo go reka dijo mo marekisetsong a matona gona le dimausuka gore a rekisadijo ka tlhwatlhwa e e ko tase mme seo se dire gore mogwebi a kgone go bona dipoelo tse di nametsang. O thalositse fa a dirisitswe madi a a kanang ka sekete sa dipula go reka dijo tse a di apeelang badiri ba ipelegeng. One gape a thalosa fa go apeela badiri ba Ipelegenh go sa bate motho yo o boitseme mo kapeing. Mme Molabi o thalositse fa dikatso tse a tlaa di boning morago ga go apeela badiri ba ipelegeng di tlaa fetola botshelo jwa gagwe ka gore oya go di dirisa go ikagela ntlo ko setsheng sa gagwe. BOKHUTLO
society
9
Luma ga a a adima tshwene marapo
Go setse go itshupile mo setshabeng gore bomme le bone ba na le bokgoni go ka nna le seabe se se bonalang mo mererong ya go ka tokafatsa le go tswakanya itsholelo ya lefatshe leno. Se se rurifaditswe ke Mme Dinah Luma wa Tati Siding mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, yo o inaakantseng le kgwebo ya go roka diaparo ka mefuta le go di tshwaya. Mme Luma, wa dingwaga tse di masome matlhano, o tlhaloseditse Kompone ya gagwe e itebagantse le go roka diaparo, mme segolo bogolo e tumile thata ka go roka paka ya dikole tsa Tati Siding le metse e e mabapi. Mme Luma a re ene o tshedile e le mmereki mo marekisetsong ka go farologana a a akaretsang PEP e le mongwe wa baeteledipele, a sa itse sepe ka go roka. Fela mme o supa fa kwa a tlholegang teng kwa Hukuntsi, a tsalwa mo lelwapeng le le tumileng ka dikgwebo tsa go roka, a supa fa mogolowe e le m tlhatlhelela dithuto tsa go roka kwa sekoleng sa ithutelo tiro sa Kang. A re mogolowe yoo ga a a itebaganya le go tlhatlhelela dithuto fela ka jaana fa a se kwa tirong a roka diaparo tsa manyalo. Mme ke gone e neng ya re ka 2015, a nna le mogopolo wa go tlogela tiro ka maikaelelo a go ipereka, mme kakanyo e e neng ya mo rothegela e nnile go tsena mo kgwebong ya go roka. “Ke ne ka ikgolaganya le nkgonne go tsaya malebela le botsipa jwa go roka ka maikaelelo a gore kwa pheletsong ke itshimolele kgwebo,” a tlhalosa jalo. O ne a supa fa le ene a batla go tsweledisa serodumo sa losika lwa gagwe, sa go nna bomankge ba baroki, mme e ne ya re morago Mme Luma a kgona go kwatabolotsa botsipa mme mogolowe a lemoga seo ka go mo abela dingwe tsa ditsompelo tse di tlhokegang go ka roka. Ka madi a a neng a na le one, o ne a kgona go itsholetsa a reka ditsompelo tse a neng a di tlhaela mme a seka a tlhola a gadima kwa morago, a diragatsa maikaelelo le maikemisetso a gagwe a go nna moroki. Lum Agencies e setse e na le badiri ba le batlhano, mme e bile keletso ke gore e gole e tle e tswelele ka go bula diphatlha tse dingwe tsa mebereko. “Kgwebo e ya me e dirile pharologanyo mo matshelong a me, ka ke kgona go itlamela le ba lelapa lame, ka dipoelo tse ke di bonang, mme e bile gape le bone badiri ba ke dirang le bone ba kgona go itshetsa,” a supa jalo. O tlhalositse fa go le botlhokwa gore fa o le mogwebi o nne le lorato, boitshoko le boineelo mo kgwebong epe fela ka dinako tsotlhe. Gape o ne a tlatsa ka go tlhalosa fa go dira dithoto tsa boleng jo bo kwa godimo le go di dira ka nako e le dingwe tsa konokono tse di tlhokafalang gore kgwebo e tswelele. O tlhalositse fa dilo tse di ka thusa gore le ka nako e kgwebo e sa direng sentle o le mogwebi, o kgone go tswelela pele, go na le gore o kgobege marapo go ka emelelana le diemo tse di ka tlhagogang. Mme Luma o bile a gwetlha bomme ka ene go tsepama, ba eme ka dinao gore matshelo a bone a gatele pele. A re bomme ba tlogele mowa wa go inyatsa mo botshelong gore ga ba na bokgoni, a tlhalosa fa selo se segolo se se tlhokegang e le gore ba itsenye mo bagwebing ba dikgwebo tse ba eletsang go di dira ba tsee malebela go tla go ikemela ka bonosi. Gape o ne a paka fa mo malatsing ano a letlhoko la ditiro, ditiro tsa diatla e ka nna tsone tse di ka ba thusang go itlhotlhora manokonoko a go tlhoka tiro. Mme Luma o kaya fa kgwebo ya gagwe e setse e itsege mo mafelong ka go farologana, a supa fa a roketse dikole tsa Masunga le Dukwi. A re o na le toro gore mo isagong, a bo a na le madirelo a a rokang diaparo le go di tshwantsha. Mme Luma o bile a bolela fa go dira sentle le babereki go le botlhokwa go godisa kgwebo. O boletse gore fa le bereka mmogo le tshwanetse go dira ka kagiso, kutlwano le therisanyo mme e bile le abelana dikgakololo le maele a go godisa kgwebo.
society
9
Kgosi Serumola o tlhomilwe
Kgosi Masego Olebile wa Palapye a re bogosi bo tlhoka batho ba ba nonofileng ebile ba na le dikitso tse di ka itepatepanyang le seemo sa sesha. Fa a bua mo boemong jwa motswarelela kgosi kgolo ya Bangwato Kgosi Sediegeng Kgamane mo tirong ya go tlhoma kgosi Olgas Serumola wa Mathathane, Kgosi Olebile are go a itumeditsa gore motse o bo o na le kgosi ya monana yo ebileng a kgona go bala le go kwala. Kgosi Olebile a re mo malatsing a gompieno go tlhokega batho ba ba ka kgonang go itepatepanya le seemo sa gompieno ebile ba kgona go bala le go kwala Setswana le Sekgowa mo tirong ya bogosi. A re maikaelelo a puso ke go bona bogosi bo tlhabologa ka go tsenya batho ba ba nang le dikitso le boikarebelo jo bo kwa godimo. O supile fa bogosi bo tshwanetse jwa tlotlwa, jwa ilelwa mme a kopa kgosi Serumola go tshwara tiro eo ka matsetseleko jaaka moswi rragwe kgosi Richard Serumola a ne a dira. Kgosi Olebile a re ntswa Kgosi Serumola e le monana, o tsere boikarebelo jo bo tona mo morafeng jo bo mo direleng gore a fetoge a nne mogolo mme a mo kgotlhatsa go baya tshepho ya gagwe mo modimong. O mo kgotlhaditse gore a ile pipa molomo, a seka a gata bogosi ka dinao le go kopa morafe wa Mathathane go ema Kgosi Serumola nokeng ka nako tsotlhe. Fa a tswa la gagwe, Mopalamente wa kgaolo ya Bobonong Rre Shaw Kgathi o solofeditse fa a tla bereka le kgosi Serumola jaaka a tshwaragane le dikgosi tse dingwe tsa metse yotlhe ya Bobirwa. Rre Kgathi a re tiro ya kgosi e ntsi e akaretsa go ranola melao le go somarela ngwao le ditsamaiso tsa merafe . Kgosi Solomon Pharithi wa Molalatau o kopile Kgosi Serumola go ikgapha mo dipolotiking gore a tle a kgone tiro ya gagwe sentle. Fa a amogela thomo, Kgosi Serumola o solofeditse fa a tla a goga le morafe gore motse wa Mathathane o tlhabologe. A re o batla go bona banana ba tsaya karolo mo dikomiting tsa motse oo, temo thuo e gola gammogo le go tsosolosa ngwao ya Sebirwa mo motseng wa Mathathane. BOKHUTLO
society
9
Madi a YDF a tshwanetse go busiwa
Mokhanselara wa Tidimalo a re o tshwentswe ke banana ba ba sa buseng madi a ba a adimilweng go dira dikgwebo. Rre Solomon Dikgang o buile jaana mo bokopanong jwa khansele - potlana ya Serowe bosheng fa a ne a akgela mo pegong ya komiti ya ditlhabololo ya khansele potlana. A re pego e supa fa banana ba adingwa madi ka lenaneo la banana la Youth Development Fund mme go nne dingalo go a busa. A re se se a swabisa e bile se supa fa banana bao ba sa tseye kgang ya go busa madi ka tlhoafalo ntswa mo dinakong tse dingwe dikgwebo tsa bone di tsweletse mme go sena se se ba kganelang go ntsha madi a ba a kolotang kgwedi le kgwedi. Ka jalo, Rre Dikgang o ne a kopa banana go tsaya kgang ya go busa madi a ba a adimilweng ka tlhoafalo a re ba tshwanetse go busa madi ao gore banana ba bangwe ba tle ba thusiwe ka one le bone ba ipulele dikgwebo. O ne a gakolola fa puso e ntshitse lenaneo la YDF go thusa banana go bula dikgwebo le gone go bulela ba bangwe diphatlha tsa mebereko. A re banana bangwe ba tshwaya puso phoso ba re ga e ba thuse ntswa e le bone ba ba tshwanetseng ba ithuse ka mananeo a a itebagantseng le go thusa banana. Se se tla morago ga gore mogolwane go tswa kwa khanseleng-potlana ya Serowe, Mme Ruth Segweni a ntshe pego e e neng ya supa fa dikgwebo tsa banana tsa YDF di le 539 di setse di filwe dithuso tsa madi mo nakong eno mme mo go tsone, di le 482 di dira fa di le 57 di sa dire. Mme Segweni o ne a kaya fa banana ba ba thusitsweng ka madi a YDF ba sa buse madi a ba a adimilweng. O ne a re ntswa ba na le kgwetlho ya gore ba rotloetse banana go busa bontlha bongwe jwa madi a ba a adimilweng, go na le mmereki a le mongwe mo kgaolo-potlana ya Serowe yo o itebagantseng le go tsaya madi, ka jalo go tlhokana le gore go thapiwe yo mongwe. A re kgwetlho e nngwe e ba lebaganeng le yone ke gore leuba le kgoreletsa dikgwebo tsa banana tsa temo-thuo. A re go tsibogela seemo se, ba lephata la banana ba tshwaragane le la temo-thuo go thusa banana ka maele a gore ba ka tsamaisa digwebo tsa bone jang mo dinakong tsa leuba.
economy_business_and_finance
3
Ba kopiwa go kgweetsa sentle
Bakgweetsi ba kopilwe go kgweetsa ka kelotlhoko mo malatsing a tlaa simologang kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro go fitlha e le masome a mabedi le bone, a Khawa Dune Challenge. Fa a buisana le ba lekalana la dikgang mo bosheng, mookamela mapodisi a pharakano kwa Tsabong, Asssitant, Superintedent Pandora Kgosimore , o tlhalositse fa tsela ya Werda e sa tsamaege sentle ka e na le dikhuti tse di ka felelang di bakile kotsi fa badirisi ba sa di ele tlhoko. Assistant Superintendent Kgosimore o ne a kopa a bo a gakolola bakgweetsi gore ba se ka ba kgweetsa ba nole bojalwa, ba obamele matshwao a tsela ka dinako tsotlhe, go kgweetsa ka lobelo le le lekanetseng le go tsamaya ka dikoloi tse di itekanetseng. O gakolotse le gore ba se ka ba tsamaya bosigo, bogolo jang mo tseleng ya A20 Sekoma Tsabong ka diruiwa di le dintsi thata mo go yone e bile e sa teratelelwa. Rre Kgosimore o kaile fa tsela go tswa kwa Khuis go ya Khawa e ka nna selekanyo sa dikhilomethara di le masome a fera bobedi, mme a kopa bakgweetsi go kgweetsa ka kelotlhoko ka le yone e le dikhuti le gore ba dirise dikoloi tse di ka kgonang go tsamaya mo go yone ka e le lekgwarapana. Kwa bofelong mookamela mapodisi a pharakano o ne a supa fa ba tlaa bo ba ipapanne sentle ka go dira dikganedi tsa tsela mo ditseleng go simolola kgwedi eno e le masome a mabedi le bongwe go tlhomamisa gore a molao wa tsela o a obamelwa, a kaya fa ba tlaa tseela botlhe ba ba tlaa tsuololang molao dikgato. Bokhutlo
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Go sela matlakala ke karolo ya ditlhabololo
Mogolwane wa khansele-potlana ya Tutume, Rre Maipelo Selatolo o tlhalositse gore bophepa ke ntlha e e botlhokwa mo botshelong. Rre Selatolo o buile jaana mo bokopanong jo bo neng bo kokoantse bagolwane ba khansele-potlana eo. O ne a re e le ba khansele ba na le mananeo a tshwana le a Ipelegeng, go thusa go sela matlakala le go tlhatlhelela morafe ka mosola wa go nna phepa. A re Tutume o motona e bile o na le ditiro tsa ditlhabololo tse di tsweletseng, tse di ngokileng dikompone le banni ba basha, ka jalo o gakolotse gore go sela matlakala e seka ya nna selo se se lejwang ka leitlho la nyenyafatso, e bile se beetswe bodiredi fela, a tlatsa ka go re le batho ba motse ba tshwanetse go phephafatsa tikologo. O ne a re banni ba motse ba se ka ba batla go tla go tlhobogwa ke ba ba tsileng ka tsa tiro, ka go tlogela matlakala a gasame go sa tsewe kgato epe. Rre Selatolo o ne a re gore ditiro di dirwe go sena makgoreletsi ape jaaka go sa itekanela ga babereki, ke fa tikologo e go direlwang mo go yone e kgatlhisa, mme gape e supa gore go na le ba ba dirang mo go yone, e bile ba e tlhokomela ka go e phepafatsa. A re mafelo a a diretsweng matlakala a tshwanetse go dirisiwa, gore motse e nne o o tlaa elediwang ke ba bangwe ka lebaka la bophepa. Rre Selatolo a re fa e kabo e le gore go sela matlakala ga se selo sa botlhokwa, puso e ka bo e sa tsee matsapa le ditshenyegelo go thapa ba ba selang matlakala. A re e nne seabe sa mongwe le mongwe go bona gore matlakala ga a gasagasiwe.
environment
5
Dikganedi tsa mapodisi di dira pharologanyo
Mothusa mookamela mapodisi a pharakano kwa Tsabong, Assistant Superintendent Pandora Kgosimore o akgoletse bakgweetsi ba Kgalagadi go bo ba tsibogetse maiteko a bone a go fokotsa dipalo tsa mokgwa wa go kgweetsa ba nole bojalwa le go tsamaya ka dikoloi tse di sa itekanelang mo kgaolong eo. O buile jalo bosheng mo puisanong morago ga go dira dikaganedi tsa tsela mo mafelong a beke e fetileng. Mothusa mookamela mapodisi a pharakano o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go fokotsa dikotsi tsa tsela mo kgaolong, bogolo jang ba itebagantse le banana ka e le bone gantsi ba itontelang bojalwa fa ba kgweetsa. Assistant Superintendent Kgosimore a re go tsamaya ka dikoloi tse di sa itekanelang le go kgweetsa ga bakgweetsi ba nole bojawa go ne ga ba gwetlha go dira dikganedi tsa tsela kgapetsakgapetsa mo kgaolong eo. O supile fa mapodisi ba ne ba kgona go tlhatlhoba bakgweetsi le dikoloi di le 167, ba mo go bone ba le babedi ba ne ba fitlhelwa ba nole bojalwa fa go tshwantshwanngwa le ba le lesome le bongwe ngogola, fa ba le lesome le bobedi ba ne ba sa dirise mabante a itshireletso. Rre Kgosimore o kaile fa ba ne ba dira dikganedi tsa tsela gongwe le gongwe fa ba neng ba bona go tlhokafala teng ba ntse gape ba etse seemo sa borukutlhi tlhoko mo motseng. O supile fa ba ne ba tshwara borre ba le bararo mo sekgweng ba go neng go belaesega ba ne ba goga motokwane. A re fa e sale jaaka ba simolola go tsamaya mo ditseleng ba etse seemo tlhoko, go nnile le pharologanyo mo bakgweetsing ka jaanong ba tlhaloganya e bile ba itse gore ba tshwanetse gore ka nako tsotlhe ba bo ba tsere ditlankana tsa go kgweetsa le gore jaanong ba tlhomamisa gore dikoloi tsa bone di itekanetse sentle pele ga ba tsaya mesepele le gone go obamela matshwao a tsela. O supile fa ba tshwenngwa ke bakgweetsi bangwe ba ba inayang naga ka nako ya fa ba dirile dikganedi tsa tsela. A kaya fa go sa siama ka seo se ka ba tsenya mo diphatseng tsa go baka dikotsi. Bokhutlo
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Bomme ba gwethilwe go itsetsepela
Bomme ba kereke ya Roma le dikereke tse dingwe ba gwetlhilwe go itsetsepela mo tumelong. Ba kgothaditswe go rapela le go ikanya Modimo ka dinako tsotlhe ka seo se ka thusa go fenya dikgwetlho tsotlhe tse ba kopanang le tsone mo manyalong. Mafoko a a builwe ke Moruti Steven Molefi, mogakolodi wa semoya wa kopano ya ga Mme Maria kwa Gaborone mo dithutong tsa bokopano jwa bomme ba kereke eo mo Tsabong bosheng. Moruti Molefi o ne a tswelela ka go tlhalosa fa moono wa letsatsi leo e le Mme Maria Motshegetsi wa Lelwapa. O supile fa mme go tswa goo-Lowe e le ene yo o tlhokomelang lelwapa ka nako tsotlhe le gone go godisa bana. O ne a tlhalosa fa go tswa kwa tshimologong le mo Baebeleng mme a tshwantshiwa le Maria mmaagwe Jeso. Moruti Molefi a re bomme ba tswa kgakala ka go tshwara thipa ka fa bogaleng. Ka a ne a nna a tlhagelela thata mo diemong tse di bokete di tshwana le tsa tsholo le go oka malwetse a a farologaneng. A re gantsi bomme ke bone ba ba tutelang ka kutlobotlhoko mo malwapeng mme ba itshokele seemo seo lebaka le leleele. O ne a kopa mme mongwe le mongwe go itshekatsheka mo go ageng lelwapa la gagwe gore e nne la motia, ka go le bontsha botlhokwa jwa Modimo mo botshelong jwa tsatsi le letsatsi. A re gape seo se ka thusa go fokotsa go thubega ga malwapa. O ne a supa fa tse dingwe di ka bo di sa nna teng fa di ne di nnetswe fatshe tsa rarabololwa ka dikgakololo tsa semoya le tumelo. O ne a rotloetsa popagano, tshwaragano le tlotlo fa gare ga borre, bomme le bana gore go nne le kagiso mo malwapeng a bone ka dinako tsotlhe. O ne a kopa bomme go itshwarela borre le gore ba fetole ka fa ba buisanang ka teng le borre fa pele ga bana ka seo se ka thusa thata mo kagong ya bana fa ba setse ba na le boikarabelo go aga malwapa a a nonofileng e bile a tiile. Fa a ntsha lefoko la gagwe la kgothatso, Rara Tefo Bolokwe o ne a tlhalosetsa batsena dithutopuisano tseo ka botlhokwa jwa bomme go tswa fela mo tshimologong ya botshelo. O ne a ba a ntsha dikai tse dintsi mo Baebeleng tse di fang bokao jwa bomme, a supa gantsi fa ditiragalo tse di botlhoko di ama bomme go na le borre. O ne a tshwantsha lolwapa le maotwana a pitsa a mararo a re ga a a tshwanela gore a reketle mme a itshwarelele ka dinako tsotlhe. Rara Bolokwe o ne a gwetlha bomme go emana nokeng mo dinakong tsa dipitlagano le gore ba nne le nako ya go thusa ba bangwe mo go rarabololeng dikgang tsa malwapa. Go le pele fa a amogela baeng, modulasetilo mo kerekeng ya Roma, Mme Matshidiso Masedame o ne a gwetlha bomme ba kereke eo go tsaya dithuto tsia ka e le bone ba gantsi ba kokonelwang ke manokonoko a malwapa a a se nang kagiso. O ne a supa fa ba tshwaretse dithutopuisano tseo mo Tsabong morago ga gore bomme ba mokgatlho wa ga Mme Maria ba ikopele go tla go tsosolosiwa. Mo molaetseng wa gagwe wa pulo semmuso wa bokopano joo, mopalamente wa Kgalagadi Borwa, Rre John Toto o o neng o balwa ke mokwaledi wa gagwe, Rre Pius Tumaeletse o ne o supa fa bokopano joo bo le botlhokwa ka bo ka solegela malwapa ka bontsi molemo ka go tsisa thitibalo le kagiso ya lodulo lo lo siameng. Mo molaetseng wa gagwe mopalamente Toto o ne a gatelela gore lorato lwa motia ke lolwapa lo go renang kagiso mo go lone mme a gwetlha bomme go ikaega ka lefoko la Modimo ka e le lone tharabololo ya marara mo matshelong a bone fa ba o rapela ebile ba o tshepha. Bokopano jo bo ne bo tsenwe ke bomme ba batiakone go tswa kwa Kgatleng, Gaborone, Kweneng, Borwa Botlhaba, ga Ngwaketse, Jwaneng, le Kgalagadi Borwa. BOKHUTLO
religion_and_belief
8
Kereke e bopaganya setshaba - Markus
Mopalamente wa Maun Botlhaba, Rre Kostantinos Markus a re kereke ke yone fela e ka bopang sechaba le go tsisa thitibalo le ledula gareng ga batho. E rile a bua kwa tshimolodisong ya kago ya UCCSA ya lekalana la Boseja Local Church mo Maun bosheng, Rre Markus a rotloetsa maloko go tlhoafalela go sokololela batho ba Kgotla ya Boseja mo kerekeng, ka se e tlaa bo e le go tsweledisa letsema la go bopa sechaba le go direla Modimo, selo se se rotloediwang thata ke puso. Mopalamente o kgothaditse maloko a kereke eo go thusa mo kagong ya kereke ya bone, mme ba dira jalo ka go itse fa go le sego letsogo le le abang go na le le le amogelang. O tlhalositse fa go ne go le thona go tlhoka lekalana la kereke ya UCCSA mo Boseja, ntswa e le yone nngwe ya dikereke tsa ntlha go tlhoma mo lefatsheng leno. Fa a itebaganya le ba khamphani ya Lempehu Investments, Rre Markus o ne a ba lebogela go thusa UCCSA ka P20 000. A re se ke sesupo sa boikarabelo jo bo kwa godimo, ka dikhamphani di tshwanetse go thusa setshaba se di direlang mo go sone le go tshwaraganela go tlhabolola motho le puso. Lempehu Investments ke khamphani e e agang tsela ya dikhilomithara tse di masome marataro le bongwe go tswa mo Maun go ya Makalamabedi, mme e kampile mo Chanoga. Khamphani e, e e leng ya Motswana, e akgoletswe maiteko a yone a go thusa setshaba gongwe le gongwe fa e direlang teng. Mopalamente Markus le ene o ne a abela kereke dikgetsi tsa semente di le masome mane. Fa a ntsha la gagwe, mogolwane wa Lempehu Investments, yo o okametseng tiro ya kago ya tsela, Rre Dimetse Champe o tlhaloseditse ba kereke ya UCCSA fa mo mererong ya tsa kago go le botlhokwa go tshwara nako e e beilweng go fetsa dikago, ka se se ka tila ditshenyegelo tse di sa tlhokafaleng. Rre Champe o bile a kgothatsa moagi go dira ka botswerere e bile a sa itlhokomolose go ntsha maduo a tlhwatlhwa e e kwa godimo, ka se se ka dira gore kago ya kereke eo e se ka ya nna ya baakangwa ga ntsi, ka se se ka senya madi. Le fa go ntse jalo, Mme Kehumile Leesemane yo e leng motiakone mo UCCSA, a re pleano la go aga kereke ya Boseja e tsisitswe ke go sokola ka lefelo la kobamelo. O tlhalositse fa ba ne ba obamela ko sekoleng se segolwana sa Maun, mme se se ne se raya gore fa gare ga beke, fa bana ba sekole ba le teng, mekgatlho ya kereke e ne e tlhoka fa e tsenelang teng. Selo se se ne sa ba gwetlha go senka lefelo le ba ka agang kereke mo go lone. Mme Leesemane o ne a tlala ka boitumelo a tlhalosa fa kago ya kereke eo e raya gore le fa diphefo kgotsa dipula di ka tla mekgatlho e tlaa tswelela ka go kopana ka tshosologo. BOPA
religion_and_belief
8
Ba rotloeditswe go dira bo Omang
Mopalamente wa Ngwaketse Bophirima, Rre Mephato Reatile o boleletse banni ba metse ya Thankane le ba Samane gore puso e phimotse sekoloto sa go dira karata ya Omang le matsalo morago ga nako. A re se se diretswe go rotloetsa batho botlhe gore ba nne le ditlankana tse di ba supang gore ke bo mang ka di le botlhokwa mo matshelong a bone. Rre Reatile o buile jalo bosheng fa a ne a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng e, tse maikaelelo a tsone e neng e le go lekodisa morafe ka dikgang tsa palamente le go tsaya megopolo ya bone. O tsweletse a tlhalosa fa mo kgaolong ya Thankane le Samane go supagetse fa batho ba le masome a ferang bobedi le boroba bobedi ba ba nnang mo dipolasing ba santse ba sena bo Omang, mme a rotloetsa gore batho ba go nna jalo ba tseye bo Omang. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Reatile o ne a kgothatsa maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse eo go tla ka methale e e tla a tlhabololang metse ya bone, a tlhalosa fa Ipelegeng e le lengwe la mananeo a morafe a ka a dirisang go itshetsa le go inamola mo lehumeng. E rile a ntsha la gagwe, Mme Dineo Petso wa Samane a bolelela mopalamente gore bagodi ba batlhoki ga ba akole dijo tsa mophako gammogo le madi a bone ka di tsewa ke batlhokomedi ba bone. A re se ke mangomolapelo ka gore e nna ekare puso ga e tlhokomele batho ba go nna jaana. O ne a kopa mopalamente gore kgang e, e salwe morago gore go nne le tharabolo ka jaana selo se ele go senyetsa setshaba. Bokhutlo
politics
7
Baithuti ba tlaa sutela ditlhabololo
Baithuti ba sekole se sebotlana sa Seingwaeng ba tlaa fudusediwa kwa Kgatleng Brigade go sutela ditlhabololo. Mokwaledi wa tsa thuto mo Khanseleng ya Kgatleng, Mme Bophelo Mokgethi o buile mo phuthegong ya batsadi le barutabana bosheng. Mme Mokgethi a re sekole sa Seingwaeng se tlaa tlhabololwa ka lenaneo la go tokafatsa itsholelo (ESP) mme ba bone matlwana a burutelo ale mane kwa sekoloeng sa ithutelo tiro ya diatla. O ne a tlhalosetsa batsadi fa ba bone go tshwanela gore bana ba fudugele kwa Brigade go ba tidisa diphatsa fa kago e ntse e tsweletse ka tshireletsego ya bone e le botlhokwa le gore ba seka ba itewa tsebe ke modumo wa didirisiwa. Mothusa mogokgo, Mme Pauline Mogaga o supile fa a itumeletse dipalo tsa batsadi ba ba neng ba tsile phuthegong, a re se se supa fa ba ikemiseditse go nna karolo ya thuto ya bana ba bone le go itse se se diragalang mo sekoleng. Mme Mogaga o supile fa sekole sa Seingwaeng se tsweletse pele ka go gatisa maduo a mantle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa. A re o tlala ka boitumelo go begela batsadi gore sekole sa gagwe se mo maemong a bone mo kgaolong ya Kgatleng ka 80 per cent. O ne a tlhalosetsa batsadi gore e re le ntswa ditlhabololo di tsile go ama thuto ya bana, ba tlaa tswelela ba bereka ka natla go ntsha maduo a a kgatlhang le go tswelela ba godisa serodumo sa Seingwaeng. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Wilfred Lebekwe o supile fa ba amogela ditlhabololo tse khansele e di tsisetsang sekole se. Rre Lebekwe o ne a kopa batsadi gore ba simolole go tlhokomela bana ka ba tlaa bo ba fudugela kwa lefelong le go nang le motsamao wa batho o montsi mme o ne a ba kopa gore ba ise bana sekoleng go ba hemela mo dikotsing tsa dikoloi. O ne a gwetlha batsadi gape go netefatsa fa bana ba bone ba tlwaela lefelo la sekole le le sha. Mme Bame Dikgale, mongwe wa batsadi o ne a supa fa a amogela ditlhabololo tse di tlaa dirwang mo sekoleng mme a supa fa ba dumalana gore mophato wa bana ba bangwe o fudusiwe e le tsela nngwe ya go fokotsa mosuke mo matlwaneng a borutelo. “Re batla bana ba rona ba rutelwa mo lefelong le le phepa fa ba tlaa sekeng ba itewe tsebe ke sepe teng.” Ditlhabololo di tlaa simolola Tlhakole a tlhola ga tlhano mme go solofelwa gore di fele ka Seetebosigo. BOKHUTLO
education
4
Ba ga Mafhikana ba akgolwa mowa wa boipelego
Banni ba kgotla ya ga Mafhikana kwa Kanye ba akgoletswe mowa o montle wa boipelogo. Seno se builwe ke modulasetilo wa khansele ya Borwa, Rre Alec Seametso mo phuthegong bosheng fa a ne a ile go ba lebogela go bo ba mo file mokhanselara wa bone, Rre Thamiso Chabalala. Rre Seametso o tlhalositse fa banni bao ba itiretse ditlhabololo tse dintsi mo kgaolong ya bone ka mowa wa boipelego. Rre Seametso a re banni ba ba Mafhikana ba ne ba isa Rre Chabalala kwa khanseleng ka ditlhopho tsa 2014, kwa a fetileng a tsaya maemo a mothusa modulasetilo. A re mme ga ba ise ba ke ba ngongoregele gore boikarabelo jwa gagwe jaanong e tlaa bo e le kgaolo ya Borwa ka bophara e seng kgotla ya ga Mafhikana fela. A re go le gantsi fa motho e le moemedi wa batho a ba a feta a neelwa boikarabelo jo bongwe banni ba kgaolo ya gagwe ba a tle ba ngongorege mme ba ga Mafhikana bone ga ba ise ba supe fa ba na le bothata. Rre Seametso a re ka jalo Rre Chabalala o ne a sa emela banni ba Mafhikana fela. A re o fetile a tsena mo dikomiting tse dintsi jaaka lekgotla la dikhansele ya BALA e a neng a dira mo go yone ka natla. A re Rre Chabalala o ne a sa dire mo lefatshing leno fela. O ne a kgona go ya go emela lefatshe leno mo Afrika le kwa mafatshing a mangwe kwa ntle ga Afrika. A re o kile a ya go fetsa dibeke tse tharo kwa ntle ga Afrika. O bile a re mo mesepeleng e yotlhe banni ba ga Mafhikana ba ne ba sena letsapa le ba fisang pelo ka ba ne ba itse fa e se moemedi wa bone ba le bosi mme e le wa setshaba ka kakaretso. Rre Seametso a re fa ba tsena mo maemong a bodulasetilo ene le Ree Chabalala bangwe ba ne ba nyatsa ba ipotsa gore a mme ba tlaa kgona ka e le batho ba babotlana. A re mme ba kgonne e bile ba dirile tse dikgolo. A re nngwe ya tse ba di kgonneng ke go tsenya dipone mo ditseleng tse ditona tsa motse wa Kanye, a tlhalosa fa go tswa kgakala go lelwa ka lefifi mo motseng oo. O boletse fa Rre Chabalala a ntse a tlhokometse dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo. A re mme o dirile bojotlhe mo e bileng dingwe tsa tsone di le mo seemong sa mengwe metse e megolwane. Rre Seametso a re Rre Chabalala o tlhabolotse dikgaolo tseo ka mananeo a puso a tshwana le go abela batlhoki dipodi, e le nngwe tsela ya go ba ntsha mo lehumeng le go isa bana ba bone kwa dikoleng. A re bana ba dikgaolo tseo ga go motlhofo gore ba ka tsena sekole ba bo ba wetsa dithuto tsa bone mme Rre Chabalala o ne a ba leka, a tlatsa ka go re Rre Chabalala o ne a setse a fetogile motsadi wa bana bao ka jaana e ne e a re ba sa ya sekoleng a bo a bidiwa. Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba ne ba leboga mme ba supa fa tsela e e dirilweng ka ditena e e mo kgaolong ya bone e sa wela sentle ba belaela fa e sa tshelwa motlhaba. Ba re mathata a mangwe a bone ke letlhoko la metsi. Gape ba supa fa dipone di sa bereke sentle mo kgaolong ya bone. Gape ba ntshitse matshwenyego a gore konteraka nngwe e e direlang mo motseng wa Kanye e epa mmu gaufi le letamo la Mmakgodumo mme ba ntsha poifo ya gore e ka felela e tlogela mmu o o ka tlogang wa katela letamo leo. Rre Chabalala o ne a netefatsa fa ba dirile ka natla mo dingwageng tse tharo tse ba neng ba goga khansele mo go tsone.
politics
7
Modulasetilo o rola madi a phimolo keledi
Modula setilo wa khansele ya Kweneng, Rre Jeffrey Sibisibi o roletse morafe wa Lentsweletau P3.2 million go duela batho ba ba sutetseng tsela ya Lentsweletau/Mahetlwe/Hatsalatladi. Rre Sibisibi o tlhalositse fa thulaganyo eo, e e weditsweng ka 2010, e ne ya kgorelediwa ke tlhaelo ya madi. A re o lebogela gore tsela e betlegile gore ba ba amegileng ba phimolwe keledi, le fa go tsere lobaka. O tlhalositse fa koketsego ya madi ao go nna P3.2 million go tswa mo go P2.2 million e le sesupo sa gore puso e tlhaloganya fa go nnile le kgolo ya ditlhwatlhwa. Rre Sibisibi o ne a kopa morafe wa Lentsweletau go amogela gore seemo se, se ne se se mo taolong ya bone, mme ba lebogele gore go bonwe madi a phimolo keledi, a tlatsa ka go re maiteko a tsweletse go batla madi a kago ya tsela. Mangwe a matshwenyego a modulsetilo a neng a a tsibogela e nnile kgang ya tiego ya go wediwa ga ditiro tsa ditlhabololo, ka thobaelo ya go re ‘tiego e tsala tatlhegelo’. Mongwe wa banni, Mme Ireen Kekgobilwe o supile fa a tshwenngwa ke ditsholofetso tsa gangwe le gape tse di tsayanag lebaka go diragala, a supa fa a tla a belaela gore di amana le go ngoka kemo nokeng ka dikgang tsa sepolitiki. “Go a tshwenya gore re bo re sale re solofediwa go dirwa ga tsela ka 2008 e le pele ga ditlhopho, mme kgang ya phimolo keledi e le gone e dirwang morago ga dingwaga tse some,” ga bua Mme Kekgobilwe. Ramaranyane wa khansele, Rre Gaborone Phiri, o kopile ba go fudusiwa ga bone go tlaa amang mabitla go amogela tiego, ka e tlaa rarabololwa ke tona wa lephata la botsogo le boitekanelo, yo e leng ene ka nosi a tshwereng boikarabelo jwa thulaganyo eo. Mabapi le dikgang tsa gore Khansele e busetse dikomiti tsa ditlhabololo madi a a setseng mo ditirong tse ba di tshwaetsweng, Rre Sibisibi o tlhalositse fa madi a a setseng a dirisiwa go tsweledisa ditiro tse dingwe. Mabapi le keletso ya kgokelo ya di tower lightsdipone tse di gaseletsang mo Lentsweletau, Mokhanselara Gabaraane o supile fa ba tsere tshwetso ya go dirisa tsa marang a letsatsi ka go supa fa P4 000 wa theko ya motlakase kgwedi le kgwedi a babalela sekgwama sa khansele. E ne ya re kwa bowelong jwa phuthego eo, molaodi wa kgaolo, Mme Bernice Berman-Mosime a ya go lekola seemo kwa sekoloeng se segolwane sa Motswakhumo le kokelwana ya koo, tse go supagetseng di se mo seemong se sentle. Gangwe le gape morafe o kopa gore go dirwe sengwe go tokafatsa bothata joo, ka bo ka ama botsogo jwa baithuti le go digela maduo tlase. Molaodi Bernan-Mosime o ne gape a lekodisiwa fa kokelwana ya motse e e belegisang e sena ditlamelo tse di maleba, gape e tlhoka go ntshafadiwa.
society
9
Maikutlo a farologanye ka thekiso ya bojalwa
Batswana ba ntshitse maikutlo a a farologanyeng mabapi le tshwetso ya puso ya go emisa thekiso ya bojalwa sebaka sa malatsi a masome mararo. Tshwetso e, ke maiteko a go kganela kanamo ya bolwetse jwa COVID-19 jo bo bakileng ketsaetsego le letshogo mo lefatsheng ka bophara. Batho bangwe kwa merakeng le mafelo mangwe aa kgakala le ditlamelo, ba na le letshogo la gore ba tsile go aparwa ke lehuma, ka ba ntse ba itshetsa ka thekiso ya bojalwa, fa bangwe bone ba re go tlaa thusa go fetola maitsholo a batho segolo jang banana. Le ntswa ba supa fa ba utlwile melaetsa ya tlhagiso ka COVID-19, kwa merakeng ya Hubasanoko le Mmathobola, thekiso ya bojalwa e ne e tsweletse ka tlwaelo. Mme Gaytri Ofentse a re ba tshwenngwa ke go nowa ga bojalwa ka go fapaanela diphafana mo e leng tlwaelo ya batho ba mafelo ao, mo go ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng. Kwa motsaneng wa Kweneng, batho bangwe ba amogetse tshwetso ya puso go emisa thekiso ya bojalwa, ka tsholofelo ya gore e kare e ka nna selo sa sennela ruri le fa bolwetse bo ka fela. Mme Mpulenyane Lebakeng a re e re ka jaana motsana wa Kweneng o ntse o gateletswe ke seemo sa borukutlhi le botlhoka tsebe jwa banana, o na le tsholofelo ya gore seemo se ya go ritibala, ntlha e a kayang e lemosegile mo dioureng di se kae tsa tshimolodiso ya kiletso ya thekiso ya bojalwa mo sebakeng sa malatsi a masome mararo. “Motse wa rona o ntse o fetogile Sotoma le Gomora, bana ba sa re utlwe, dipolaano di ile magoletsa ka ntata ya go nowa phetelela ga bojalwa. Ke lemogile pharologanyo mo nakong e khutshwane ya go emisiwa ga thekiso ya bojalwa,” ga tlhalosa jalo, Mme Lebakeng. A re e re le ntswa ba tshositswe thata ke go utlwa ka go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19, ba amogela tshwetso ya go emisa go nowa ga bojalwa ka nakwana, mo a eletsang e ka nna selo sa se nnela ruri go thusa go aga malwapa le go fetola maitsholo a bana. “Ke dumela fa tshwetso e tlaa thusa le gone go laola metsamao ya bana ba rona ba ba aperweng ke boitaolo, e bile ba tlolaganya masea go siana le bojalwa. Mafoko a gagwe a iteetswe kobo moroko ke Mme Selina Mantshoge ka go supa fa seemo sa bojalwa le tiriso ya ditagi di agolotse banana ba jaanong ba kgokgontshang batsadi, e bile ba sena taolo mo malwapeng a bone. Le fa go ntse jalo, ramapodisi a kgaolo ya Molepolole, Superintendent Motlhaba Ramaabywa o supa dipalo tse di kwa tlase tsa batho ba le bane, ba ba tshwerweng ka go rekisa bojalwa ntle le teseletso le ba le lesome ka go nwela bojalwa mo mafelong a a sa letlelelweng le dikgwebo tsa meriri di supa ka Matlhatso. Kwa Hatsalatladi gone, go ne ga tshwarwa batho ba le masome mararo le borataro ka Labotlhano ba ba neng ba a nwa bojalwa ba kokoane gammogo le morekisi wa jone. Kwa Mmanoko le Gamodubu e nnile batho ba le babedi ba baneng ba a nwa ba tsamaya. Kwa Thamaga, Superintendent Moses Kwarare o tlhalosa fa dilo di ile meriting mo kgaolong e e tlwaelesegileng ka botlhoka tsebe jwa banana. A re go kwadisitswe dikgang di le lesome le bone ka matlhatso. Tse thataro mo go tsone ke tsa marekisetso a dijo tse di buduleng, tse tlhano ke tsa go nwa bojalwa mo mekgwatheng le tse tharo tsa go rekisetsa mo malwapeng, go dira jalo e le go ikgatholosa dikiletso tsa bosheng tse puso e di beileng go lwa ntsha kanamo ya COVID-19.
health
6
Shimane o kgothatsa banni go ipelega
Rre Kenosi Shimane wa kgotla ya Sekgophane kwa Themashanga a re ga a kgobiwa marapo ke seemo sa gagwe sa go tshela ka bogole ka gonne le ene fela jaaka Motswana mongwe le mongwe o ikatameditse kwa go ba boipelego go kopa dithuso gore a inamole mo lehumeng le a leng mo go lone. Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, Rre Shimane o tlhalositse fa go tshela le bogole e se phutso ebile go sa mo kgoreletse ka gope go ka itirela go tsenya madi mo lwapeng, segolo jang ka puso le yone e otlolotse letsogo go ba thusa. Rre yoo wa dingwaga tse di masome a marataro le bosupa a re o sale a amule botsipa jwa go betla mo go moswi rraagwe a le dingwaga di le lesome le botlhano. A re e re ka a ne a sa kgone go bereka tiro epe, o bone se e le tshegofatso e e batlang go somarelwa le go amogelwa ka atla tsoo pedi. O tlhalositse fa a simolotse go betla a sale mmotlana a santse a nna kwa motseng wa Sebina le batsadi ba gagwe pele a fudugela kwa Themashanga. O tsweletse a re ka 2010, ba lenaneo la nyeletso lehuma ba ne ba mo tswa thuso ka P2 000 go reka didirisiwa tse a di dirisang mo tirong ya gagwe ya go betla. A re e re le ntswa a ne a sa kgona go reka se a kgaolang ditlhare ka sone, o ikaelela go boela gape kwa go bone go kopa madi a tlaleletso ka a lemogile gore go dirisa selepe go mo koafaletsa kwa pele. Rre Shimane o betla megopo le dikika ka setlhare sa morula, monato le motswere, metshe ka mokoba le mophane fa meropa a dirisa setlhare sa mophete. O tlhalositse fa a dirisa ditlhare tse ka di le thata gape di kgona go itshwarelela ka lobaka di sa thubega mme o tlhalositse gape fa a betla dipora le dithobane. E re ka motse wa Themashanga o le monnye gape o sena mebereko e e kalo, Rre Shimane o supile fa mmaraka e le kgwetlho e tona fa e se fela fa a ka kgabolela kwa toropong ya Francistown e le yone ba khansele ba mo lopang teseletso ya go rekisetsa teng. Rre Shimane o supile fa a kgona go dira madi a a nametsang segolo jang ka dinako tsa ditshupo kgotsa sepe fela sa ipapatso mo kgaolong. O tlhalositse fa go tshela le bogole e se sekgoreletsi, segolo jang fa motho a kgona go itirela ka diatla tsa gagwe. A re Batswana ga mmogo le ba-na-le-bogole ba na le mokgwa wa go inyatsa le go itsapa, a tlhalosa fa bontsi bo tshaba go dirisa mananeo ao ka ba re batho ba bangwe ba tlaa ba lemoga fa ba le kobo dikhutshwane. O rotloeditse Batswana botlhe le ba-na-le-bogole go ikgogela kwa diofising tsa ba boipelego, segolo jang ba ba eletsang go tsena mo dikgwebong mme ba sena madi a go di simolodisa kgotsa go di atolosa. BOKHUTLO
society
9
Batsadi ba kopiwa go gagamatsa setoropo
Batsadi kwa Thamaga ba kgothaditswe go tswa ka methale e e botoka ya go lwantsha seemo sa ditagi jaaka motokwane le majalwa mo motseng oo ka go lebega e le tsone di rotloetsang kgolo ya borukutlhi jwa banana jo bo tshedisetsang banni mo poifong. Seo se boletswe ke mogolwane wa sepodisi ka fa tlase ga lekalana le le itebagantseng le tiriso ya ditagi, Assistant Superintendent Osefile Mmitseng, mo phuthegong ya kgotla e morafe o supileng fa o tlhobaela mabapi le go repisa segole le go bipa mpa ka mabele ga botsadi mo dikgannyeng tsa botlhoka tsebe jo bo godileng kwa motseng oo. Motse wa Thamaga o hupeditswe ke dikgang tsa kgolo ya botlhoka tsebe jwa banana ba ba tlhorontshang morafe, ba go kaiwang bontsi jwa bone e le baithuti ba ba ipitsang ‘Matsetsenkane le Merubisi’ Assistant Superintendent Mmitseng a re ofisi ya gagwe e lebanwe ke dikgwetlho tsa kgolo ya dikgang tsa tiriso ya ditagi mo go amileng dikole thata ka thotloetso ya batsadi bangwe ba ba rekisetsang bana le go roma bangwe ba bone go rekisa mo dikoleng. O gwetlhile batsadi go emisa go mpampetsa diemo tseo ka go bipa mpa ka mabele e sere kwa bofelong ba iphitlhela ba godisitse dira tse di yang go felela di ba tsogologela. O tsweletse a ikuela mo morafeng go upolola batsadi ba ba senang boikarabelo ba ba rekisetsang bana motokwane, a re ke yone tsela e e ka thusang go lwantsha masula a. Leloko la lekgotla la magolegwa a a ikagileng sesha, Rre Mothei Sejakgomo o ikuetse mo bananeng ka ene go itse fa borukutlhi bo sa duele ka jalo a ba kopa go ikaga go hema botshelo jwa kgolegelo jo a kaileng bo le makgwakgwa fela thata. Fela jaaka dibui tse dingwe, Rre Sejakgomo a re go sa kgalemele bosula ja bana ke go itlhaba ka thipa mpeng ka jaana ba felela ba busolosetsa mo batsading gonne ba paletswe ke go ba oba go sale gale. O tsweletse a tlhagisa batsadi go emisa mekgwa ya go amogela dithoto tse di senang motlhala go tswa mo baneng. Moruti wa Faith Mission, Rre Jobe Koosimile o gwetlhile batsadi go itsheka-tsheka le go ipotsa tse ba sa di direng sentle mo kgodisong ya bana ba bone. Mokhanselara wa Thamaga Bokone, Rre Pabalelo Motaosane o nyaditse seipato sa gore ditshwanelo tsa bana di kgoreletsa kotlhao ya bana
crime_law_and_justice
1
Kago ya molelwane e tsweletse sentle
Kago ya molelwane o o kgaoganyang dipolasi tsa Haina Veld le mafudiso a morafe mo kgaolong ya Bokone Bophirimae e simolotseng ka ngwaga wa 2011 e tsweletse sentle . Moanamisa mafoko mo lephateng la temo thuo, Rre Bautlule Kealatotse o tlhalositse fakago eo, e solofetswe go wela ngwaga ono o ya fifing. Are go setse go agilwe dikhilomethara di le 164, mme ba saletswe ke 106. A re ditlhotlhomiso di supa fa bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo tlhasetseng kgaolo eo bo bonala thata mo leruong le le nnang mo mafudisong a a tlhakanetsweng fa kwa dipolaseng bo seyo. Rre Kealatotse o kaile fa go wediwa ga molelwane oo go tlaa fa barui ba dipolase sebaka sa go rekisa leruo la bone ka jaanong ba tlaa bo ba le mo kgaolong e e nang le tshiamelo ya go rekisa kwa mebarakeng e e kwa ntle. O tsweletse a tlhalosa fa maikaelelo a puso e le go batlela barui ba Nhabe mebaraka ya dikgomo tsa bone, ka ba tsere lobaka ba sa rekise leruo gope ka ntlha ya bolwetsi jwa tlhako le molomo. A re e re le fa ba kopana le mathata a a tshwanang le a go tlhaela ga didirisiwa, ga go kgoreletse mo go kalo ka ba kgona go tsaya didirisiwa kwa dikgaolong tse dingwe mme ba tsweledise tiro. O supile fa mathata magolo a ba kopanang nao e le gore lefelo lengwe le le siketsweng dipolasi gaufi le kgaolwana ya Kareng ga le ise le tlhabololwe ka jalo go ama fa molelwane o tshwanetseng go tsamaya teng. Bokhutlo
health
6
Molaodi o rolela khansele ditlhabololo
Molaodi wa ditlhabololo kwa kgaolong potlana ya Bobirwa, Rre Claude Batsileo boleletse makhanselara koo ka ditlhabololo tse di tlaa dirwang mo lenaneong la ditlhabololo la NDP11 le la dikgaolo la DDP8. Rre Batsile a re mo dikopong tse di neng di tsentswe, lephatla la itshireletso, molao le thokgamo le tlaa aga diofisi tsa sepodisi kwa Semolale le matlo a mapodisi a le 26 ka ngwaga wa madi wa2017/18. A re go tlaa agwa ofisi ya sepodisi gape kwa Mmadinare le matlo ale 55 ka ngwaga wa madi wa 2020/21 fa Tsetsebye le ene a tlaa agelwa ofisi ya sepodisi fa mo Bobonong go tlaa agwa matlo a mapodisi. Fa a ama lephata la botsogo, a re lone mo dingwageng tse tharo le tlaa godisa dikokelwana tsa Gobojango, Molalatau, Semolale le go aga kokelwana ya Borotsi e yone e tlaa bong e belegisa, fa kwa Tsetsebye go tlaa godisiwa kokelwana eo go nna kokelo, fa kokelo ya Bobonong le yone e tlaa godisiwa. Rre Batsile a re kokelo ya Mmadinare e tlaa godisiwa ka ngwaga wa madi wa 2019/2020. O supile fa mo go tsa thuto go tlaa tlhabololwa dikole tse dipotlana tsa Bobonong, Tshokwe, le Tlapalakoma. Fa ba tswa la bone, makhanselara mangwe a ne a supa fa a sa itutmelele lenaneo le la ditogamaano ka le kgaphetse ditlhabololo tse di botlhokwa kwa ntle. Mokhanselara wa Mmadinare/ Damochujenaa, Mme Banabotlhe Mothobi a re o tshwenngwa ke gore ofisi ya sepodisi e e tlhokegang ka bofefo e tlaa dirwa ka 2020/21, a supa fa borukutlhi bo godile mo kgaolong. Mme Mothobi a re le kokelo ya Mmadinare e tlhoka go potlakelwa ka gore e thusa setshaba se sentsi. Mokhanselara wa Motlhabaneng/Lentswelemoriti Rre Victor Mphee a re le fa a amogela lenaneo, kokelwana ya Motlhabaneng e thusa bontsi jwa setshaba mme e tshwanetse go ka bo e tsentswe mo ditogamaanong. Mokhanselara wa Tobane/Tshokwe ene a supile fa kgaolo ya gagwe e saletse kwa morago e bile kgodiso ya dikokelwana tsa metse eo e sa tsenngwa ntswa e tlhokafala. Mokhanselara wa Mmadinare borwa, Rre Moses Seeletso a re o tshwenngwa ke gore ditsela tsa Mmadinare di maswe mme di seegetswe fa thoko, a supa fa a sa amogele lenaneo. Rre Sylvester Masweu wa Mmadinare/Robelela a re bone ba ne ba batla gore go dirwe ditsela mo Mmadinare ka e le tsone letlhoko legolo. Le fa go ntse jalo, modulasetilo wa khansele, Rre Nathaniel Moribame le Mme Philly Segabowa Lepokole/Borotsi ba ne ba kopa makhanselara go wela maikutlo ba supa fa ditlhabololo tse dintsi tse setshaba di neng di di batla di sa kgonagala. Rre Moribame a re ditlhabololo tse banni ba di tlhokang thata jaaka tsela ya Tsetsebye/Moletemane, Mathathane/ Motlhabaneng ga di yo mo lenaneong la ditogamaano. Mokwaledi wa khansele potlana, Mme Gomolemo Moepeng a boletse fa ba ne ba loga ditogamaano tse ba na le dikomiti ga mmogo le makhanselara mme tsa rulaganngwa ka letlhoko la tsone. BOKHUTLO
politics
7
Banni ba Maake ba lebogela dimpho
Kgosi ya Maake, Kgosi Boipelo Moilwa o akgotse badiri ba khamphani ya Majwe, go bo bane ba bona go tshwanela go abela banni dimpho tsa dikobo. Kgosi o dirile kakgolo eo mo kabong dimpho kwa motseng oo bosheng. Kgosi Moilwa are go aba dimpho ke go supa boikarabelo le go tsaya karolo mo go diragatseng matshego le dipilara tsa toro ya sechaba ya tebelopele ya 2016. A re se se tsamaelana le dithuto tsa baebele jaaka ere rata mong ka wena jaaka o ithata. Rre Moilwa one a kopa morafe wa gagwe go amogela dimpho tseo ka matsogo oo mabedi, a re mpho ke selo se se senang tlwatlwa le fa ele sone sekale tota. A re fa motho a fa yo mongwe goa bo go sa reye gore ene ga se motlhoki a re ba komponi ya Majwe le bone ke batlhoki ka go na le tse le bone ba di tlhokang.Mme fela ka lorato le kutlwelobotlhoko e ba nang le yone ba ne ba bona go tshwanela go tla go abela banni ba Maake dimpho tse di kanakana tse le bone ba di bereketseng ka bongwe fela jwa pelo le ka maikaelelo a go dira se ba se dirileng mo motseng wa Maake letsatsi la gompieno. Rre Moilwa one a kopa ba ba neng ba abelwa dimpho tseo go di tlhokomela le go di dirisa ka fa go tshwanetseng ka teng, a ba a ba kgothatsa go leboga ba komponi ya Majwe le botlhe ba ba kileng ba ba abela dimpho ka se se supa fa go na le batho golo gongwe ba ba kgathalang ka matshelo a bone le motse wa bone le fa o le kgakala le ditlamelo. Moanamisa mafoko wa komponi ya Majwe, Rre Archibald Ngakagae are bane ba nna fa fatshe ba thulanya ditlhogo ba bo ba ipotsa dipotso e le ba komponi ya Majwe mme ba lemoga fa sechaba sa Botswana se na le letlhoko le matshwenyego aa farologaneng lefatshe ka bophara ba bo ba lemoga fa puso le yone ka nosi e ka se kgone go thusa batlhoki le masiela le ba ba tlhokang tse dingwe tse di farologanang nko ntle ga kemo nokeng ya bone. Rre Ngakagae a re ba ne ba gwetlhwa ke mangwe a matshego a tebelopele ya 2016 ya tshaba ee kutlwelobotlhoko ee siameng ee ratang batho botlhe. A re batho ba motse wa Maake ba seke ba tshwenngwa ke go bidiwa batlhoki le go nna kgakala le ditlamelo, bone e le ba komponi ya Majwe baa ba rata e bile ba bona ba tshwana fela le metse ee gaufi le ditlamelo. Rre Ngakagae a re ba thusitse metse e mentsi mo tikologong ya toropo ya Jwaneng mme jaanong ba simolotse go atologela kgakala le toropo eo. A re maikaelelo a bone ke go tswelela bawa ba bo ba tsoga le ba ba tlhokang dithuso lefatshe ka bophara. BOKHUTLO
society
9
Gulubane o ‘bete se molangwana
Banni ba metse ya Gulubane, Masingwaneng le Mambo kwa kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima, ba re ba sebete se molangwana mabapi le ka fa ditlhabololo le ditlamelo di gorogang kwa metseng ya bone. E rile ba akgela mo diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Biggie Butale kgwedi eno e le masome a mabedi le borataro, ba supa fa ba tshwenyegile ka fa ditlhabolo le ditlamelo di leng boutsana ka teng go goroga kwa go bone. Ba re nngwe ya dilo tse ba tswang kgakala ba lela ka tsone, ke tsela ya Hubona-Sechele-Masunga, e e lomaganyang metse ya bone e bile e le yone e ka khutshwafatsang mosepele wa bone wa go ya kwa Masunga, ba kaya gape fa ba sa bolo go ikuela ka seemo se maswe sa ditsela tse di mo tikologong ya bone mme go se kgato epe e e tsewang. Banni ba metse eo, ba boletse fa ba ne ba na le tsholofelo ya gore gongwe lenaneo la go rudisa itsholelo la Economic Stimulus programme le tla ba tswa matshidiso ka go araba selelo sa bone sa go dirwa ga tsela eo ya Hubona-Sechele-Masunga mme ba swabile nko go feta molomo go utlwa fa go sena sepe se se akareditsweng mo lenaneong leo, se se amanang le ditsela tsa tikologo ya bone. Mongwe wa banni ba Masingwaneng, Mme Kebifetswe Modikwa o ne a supa fa mapalamente a a tsena ka go tlhatlologana ga bone mo kgaolong eo, ba tlogela selelo sa ditsela e le sa kgoranyo ya meno. Kwa Gulubane gone, banni ba re seemo sa ditsela tsa motse wa bone se ngomola pelo, segolo jang fa dipula di na, ba tlatsa ka gore ditsela dingwe tsa motse di ralalwa ke melatswana e e reng e tletse e kganele batho go tlolela ntlheng e nngwe ya motse. Ba re se se utlwisang botlhoko go feta, ke go bo nako nngwe bana ba bangwe ba felela ba fetwa ke dithuto, ba kganetswe ke metsi go kgabaganya melatswana go ya sekolong, mo godimo ga moo, banni bangwe ba tlhalositse fa seemo seo se baka gore nako nngwe ba tlelwe ka dikakanya tsa go fudugela go sele, kwa go nang le ditsela tse di botoka. Banni ba Masingwaneng le Mambo bone ba buile ba sa kgwe mathe, ba re go supa fa metse ya bone e kgapetswe ntle mo ditlhabololong, ke ka moo e neng ya rontshiwa sebaka sa go akola molelo wa kgolagano, o o tsweletseng ka go dikologa dikgaolo tsa lefatshe leno. Ka jalo banni ba ne ba ikuela mo mopalamenteng wa bone gore go dirwe dithulaganyo tsa gore molelo oo, o buselediwe mo kgaolong, go tla o isiwa kwa metseng ya bone pele o wetsa loeto la one. Banni ba metse eo ka boraro ba ne gape ba supa lekalana la metsi, la water Utilities Corporation ka monwana, ba tlhalosa fa le sa tsibogele tshenyo epe e e leng teng tebang le phatlalatso ya metsi, go akarediwa medutlo le go sa berekeng ga dikarata tse di gang metsi mo dipompong tsa setshaba. E rile fa a araba mabapi le ngongorego eo, modiri gotswa kwa lekalaneng leo, Rre Modisaotsile Keetile a tlhalosetsa banni fa ba sa tswa go rutuntsha badiredi bangwe go nna ba tsibogela go baakanya didirisiwa tsa go ga metsi ka dikarata, a tlatsa ka gore medutlo e bakwa ke go bo mealo ya phatlalatso ya metsi e le megologolo ka jalo e batla go ntshafadiwa. Rre Keetile o boletse fa go le gantsi ba tsibogela medutlo e metona pele, go netefatsa gore metsi a goroga kwa bathong, mme e bo e le gone ba tsibogelang e menyenyane. Fa a tswa la gagwe, mopalamente Butale o ne a itsise banni ba Gulubane fa mo ngwageng ono, ka fa tlase ga ESP, kokelwana ya bone e tla atolosiwa fa ba motse Mambo bone ba tla agelwa diofisi tsa kgotla, a gwetlha banni ba metse eo, go nna ka tsholofelo ya gore ditlhabololo tse dingwe di tla akarediwa lenaneo le ntse le tsweletse ka jaana le tla goga dingwaga tse tharo. Rre Butale o ne a bo a ba gwetlha go ipaakanyetsa moletlo wa monongwaga wa boipuso, o ka one lefatshe leno le tla bong le digela dingwaga tse di masome a matlhano le ipusa.
politics
7
Dirang ka botswerere
Maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa Otse a kopilwe go bereka ka botswerere le go seegela dikeletso tsa bone kwa thoko gore ba tle ba kgone go dira tiro ya morafe ka botlalo. E rile a bua mo thuto puisanong ya maloko a VDC kwa Otse bosheng, Kgosi Mothusi Tsetse a ba gakolola go tla ka methale e ba ka tsenyang madi mo letloleng fa ba fitlhela go sena sepe le gone go tsena diphuthego tsa khansele gore ba itse se se diragalang mo kgaolong ya bone. E ne ya re a tswa la gagwe, mogolwane go tswa kwa ofising ya Boipelego kwa Ramotswa, Mme Martha Kamodidi, a tlhalosa fa maikaelelo a thuto puisano e le go tlhatlhelela maloko ao ka tsamaiso ya VDC, go ba ruta ka mananeo a a leng teng mo lephateng la Boipelego le go ba tlhatlhelela ka makalana a ba ka a dirisang go ikopela madi. Mme Hendrianah Hangero go tswa kwa lephateng la Community Development kwa Gaborone, o tlhalositse fa go tlhophiwa ga komiti ya VDC, go tshwanetse ga dirwa ke morafe . O tlhalositse fa go tshwanetse ga tlhophiwa motho yo o itseng go bala le go kwala, a le dingwaga di lesome le borobabobedi go ya kwa godimo e bile a na le karata ya Omang gape a dumetse go tlhophiwa. O tsweletse a bolela fa tiro ya ntlha ya VDC e le go sekaseka letlhoko la motse, le go tswa ka ditselana tsa go intsha mo lehumeng ba dira se ba na le morafe. O tlhalositse fa leloko le batla go tlogela komiti ya VDC, le tshwanetse go ba itsese mo kgweding tse pedi pele le tlogela gore go nne le nako ya go dupa dibuka. Mme Hangero o boletse fa komiti e na le thata ya go seegela fa thoko leloko le le nang le dikgang tse di tlhotlhomisiwang le le le nang le boitshwaro jo bo sa itumediseng.
society
9
Komiti e itumelela tirisanyo mmogo
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa Xhosa 1 kwa Mahalapye, Mme Gabofele Sabangwe, o galaleditse tirisanyo ya bone le maphata a a farolaganyeng a puso. Mme Sabangwe o buile se mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, bosheng. E rile fa a lekodisa mopalamente ka komiti ya bone, Mme Sabangwe a tlhalosa fa ba na le tirisanyo ya motia le maphata a puso. A re mokhanselara wa bone o bereka ka thata go ba biletsa botlhe ba ba tlhokanang le dithuso tsa bone selo se ba neng ba sa se se itse gotlhelele pele. A re ba na le tshwaragano le dikolo tse di mo kgaolong ya bone , kokelwana le tse dingwe e bile ba solofetse le ditlhabololo jaaka go okeletswa matlwana a borutelo. Mme Sabangwe a re one a ntse a ngongorega ka palo e e ko tlase ya babereki ba ipelegeng mme jaanong seo se fetogile ka palo e tsholetsegile e bile banana ba e tsaa ka tlhwaafalo. O tlhalositse gore komiti ya gagwe e mo dipaakanyong tsa go agela motlhoki mongwe ntlo e ba tla a e ntshetsang madi , go dira dijo tsa maitseboa le go kopa dithuso mo dikereke tse di farologanyeng. One a kopa Mopalamente gore ba sekaseke go dira gore kokelwana ya bone e dire tsatsi lotlhe ka e ntsha ditirelo tse di kgotsofatsang e bile go sokodisa fa go na le molwetsi yo o tlhokang thuso ka bonako go ya dikokelong tse di kgakala bosigo. Mo dikganyeng tse dingwe banana ba tlhalositse fa ba itemogela tiego mo lenaneong la lenyeletso lehuma ntswa ba ne ba tseneletse ikatiso bofelong jwa ngwaga e e fetileng. Monana Rre Lucas Jacob a re ene o rontshiwa lenaneo la nyeletso lehuma ka mme yo a tshelang nae a setse a thusitswe ka lone. Monana yo mongwe Mme Segomotso Moreetsi one a tlhalosa fa a ne a ntshiwa mo ithutuntshong ya lenaneo malatsinyana a a ntse a le tseneletse ka a ne a bona tiro ya nama o sa tshwere a santse a letile. E rile fa a araba matshwenyego a bone Mme Tshireletso a tlhalosa fa puso e tla a aba gape madi a go thusa bananamo ngwageng o mosha wa madi. A re puso e lemoga gore go nale baratani b aba nnang mmogo lebaka le leele ka jalo go ka nna thata gore botlhe ba fiwe mananeo ka go dumelwa ba nna mmogo ba ka dira mo lenaneong le lengwe mmogo. A re ga go a tshwanela gore ere o thapilwe go dira mo lebakeng le le khutshwane o bo o ntshiwa mo lenaneong gotwe o a dira ka e se tiro ya se nnela ruri. One a tlhalosetsa banni ka molao kakanyetso wa gore matimela a nne dikgwedi tse tharo a tshegeditswe le gore a tswe ko malatsi a masome a mararo go ya ko go lesome le bone go isiwa ko matimeleng . A re fa monngwa wa kgomo a e bona ko matimeleng morago ga dikgwedi tse tharo o ka e tsaa mme o ka se letelelwe go ka e tsaa ka letsatsi la thekiso kana fa kgomo e le e e letshwenyo e ka bolawa ya rekiswa mme fa monng wa yone a ta a fiwe madi a yone . Monni Rre Makgarapa Makgarapa o ne a ntsha mogopolo wa gore matimela a fiwe ba matlhoko a leruo ka ba na le kitso yotlhe ka beng ba dikgomo. Are matimela a bakwa ke batlhokomedi ba ba sa direng tiro ka botlalo.“ Mopalamente one a kgothatsa banana go ikemelela ka dinao go itirela mebereko le go bereka mo bananeng ka bone ba ba setseng ba thusitswe go intsha mo lehumeng. BOKHUTLO
health
6
Kgosi Ramokobetwane o tlhokafetse
Kgosi ya Khudumelapye, Kgosi Edwin Ramokobetwane o tlhokafetse. E rile a lekodisa ba lekalana la dikgang la BOPA Kgosi Itsoseng Gaoonwe, a supa fa Kgosi Ramokobetwane a tlhokafetse ka Mosupologo kgwedi eno e le masome a mabedi, morago ga go lwala ka lebaka. O supile fa kgosi a kile a bona kotsi ya koloi ngogola ka kgwedi ya Sedimonthole, a tswa kwa motseng wa Malwelwe, mme a supa fa e rile ka kgwedi ya Phatwe monongwaga a supa fa a sa tsoge sentle. Kgosi o supile gape fa Kgosi Ramokobetwane a tsene mo setilong sa bogosi ka ngwaga wa 1991 ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola gangwe, morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Mosweu Masono. Rangwanaagwe ebong Rre Labone Dichabeng, o supile fa Kgosi Ramokobetwane e ne e le ngwana wa ga Rre Dikgokong Dichabeng le Mme Mmabokalaka Dichabeng, a tshotswe ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola gararo ka ngwaga wa 1957, kwa kgotleng ya Mokwele kwa Khudumelapye. O simolotse sekolo se sebotlana kwa Khudumelapye ka ngwaga wa 1965, mme a tsweledisa kwa sekolong se segolwane sa Kgari Sechele kwa Molepolole go ema ka mophato wa boraro. O ne a ya moepong kwa lefatsheng la Afrika Borwa, kwa a berekileng teng ngwaga a bo a boela gae. O ne a thapiwa ke ba Botswana Police ka ngwaga wa 1978 kwa Palapye. O ne a tlogela tiro ya sepodisi go ya go nna molemi morui, mme ya re ka ngwaga wa 1991 a tlhongwa kgosi ya motse wa Khudumelapye. O tlhalositse fa kgosi a ne a rata tiro ya gagwe thata, a e tlhaloganya e bile a e dira ka matsetseleko, a sena kgethololo. Ka nako ya pego e e kwalwa go ne go ise go nne le dithulaganyo tsa phitlho. BOKHUTLO
society
9
Tirisanyo mmogo e a rena kwa Thini
Balemi ba kgotla ya Thini kwa Tutume ba supile fa tirisano mmogo magareng ga balemi le molemisi e le e e nametsang thata. Modulasetilo wa komiti ya balemi kwa kgotleng eo, Mme NaiyeNyanga o boletse seo ka letsatsi la go ipelela thobo kwa kgotleng eo. Mme Nyanga a re molemisi yoo, Rre Phate o dirile gore bakgone go lomagana ba le balemi ba Tutume ka jalo ba setse ba le seopo sengwe kaseo se ba diretse tiro motlhofo ka ba kgona go abelana megopolo le maele ka faba ka tlhofofatsang temo ya bone ka teng. A re gape o bolaile mowa o o neng o fitlhela batho baikgaogantse ka dikgotla ba le makgamu ntswa ba le balemi ba motse o le mongweba tshwanetse go thusana ka megopolo le go abelana megopolo ka fa ba kagodisang temo mo kgaolong ka teng. A gatelela ka gore tomagano le lerato le molemi a nang lelone mo balemi le kgonne go dira pharologanyo mo matshelong a bone jaanong babereka ba le ngata e le nngwe ebile ba solofela fa go ya pele ba tla okelabanana mo temong gape ba rotloetsa balemi ba bangwe go lema ka ditselana se balemogile fa balemi ka bontsi ba setse ba se amogela. Rre Norman Nyanga yo o neng a bua a emetse balemi o ne abolela fa ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi thata mo temong, di tshwana le Rre Nyanga o ne a ngongorega ka tiego e tsewang ke balemisigo tlhatlhoba diji ba balemi ba di ba begetseng, a re balemisi ba tsaya nako basantse ba kanoka mme thuso e ye go tla morago diji tsone di setse di feditsedijalo. O ne a re gape dipeo di phakisiwa morago ga nako ka jalo akopa gore balemi ba simolole go phakisiwa dipeo ka kgwedi ya Phatwe. Rre Nyanga o ne a kopa balemi go ipaakanyetsa temo nako e santse e le teng ka ebile mosele wa pula o epiwa go sale gale. Mongwe wa dibui, Rre Khumo Mmoloki o ne a kopa balemi gotlhwaafalela temo. A ba gwetlha go dirisa maranyane a segompieno go tokafatsa Rre Mmoloki a re fa e sale go tlhomiwa lenaneo la ISPAAD kangwaga wa 2008 go rotloetsa balemi, balemi ba supile kgatlhego thata ya go A re mo Tutume balemi ba le makgolo mane le masome mabedi lebone ba ne ba lemile diekere tse di 784 mme ba bona dithane di le masome manele borobabongwe ka ngwaga wa 2012/2013 mme ya re ka ngwaga wa temo wa 2013/2014ga lema ba le makgolo mane le botlhano diekere tse di 1030 mme ba bona dithanetse di lekgolo le masome mabedi le borataro. O ile a gwetlha balemi bao go tlogela go dira mo Ipelegengka nako ya temo mme ba tlhokomele masimo a bone ka mo go one ba kgona go ijesamme seo se tokafatse matshelo a bone ba tlogele go ikaega ka puso ka tiro yaIpelegeng e le ya nakwana gape e sa kgone go tsaya palo entsi. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Dikgang tsa petelelo ga di robatse mopalamente
Mopalamente wa Bokone Bophirima, Rre Dumelang Saleshando, a re o tshwenngwa ke dikgang tsa petelelo tse di ileng magoletsa kwa Maun. O buile seo fa bomme ba bapagami ba dikuta ba Women Riders World Relay (WRWR) ba ne ba abela mokgatlho wa Women Against Rape (WAR) didiriswa tsa go tlhapa le go tlhatswa kwa Maun bosheng. Rre Saleshando a re dipalo tsa mapodisi di supa fa dikgang tsa petelelo di feta dikgang tsotlhe tsa borukhuthi kwa kgaolwaneng eo ya sepodisi. Ka jalo o ne a supa fa go le botlhokwa gore go tsenngwe letsogo mo kgodisong ya ngwana wa mosimane gore bana ba basimane ba itse go tlotla motho wa mme. A re dikgang tsa polao ya bomme le tsone di kwa godimo kwa Maun. Rre Saleshando o ne a akgolela bomme ba Women Riders World Relay go abela mokgatlho wa WAR oo lebaganyeng le go thusa batho ba ba amilweng ke kgokgontsho, segolo jang bomme le bana. O ne a gwetlha bomme ba bapagami ba dikuta gore ba tsweledise mowa o montle wa go abela ba ba tlhokileng lesego. Rre Saleshando o ne gape a re ba dira tiro e ntle ya go supa fa go kgweetsa dikuta go ka dirwa ke mongwe le mongwe, e bile e se ga batho ba ba makgwakgwafela. Mogolwane go tswa kwa WAR, Rre Lethogile Mpho, o ne akgola bomme bao ka thotoetso ya dimpho e ba neng ba e tshwaraganetse le Botswana Insurance Company (BIC). A re mokgatlho wa WAR o tshela ka dithuso tse o di bonang mo makalaneng a a ikemetseng ka nosi. A re mokgatlho oo wa boithaopo o fa ba ba amilweng ke kgokgontsho bogakolodi le dithuso tsa go seka mo makgotleng a ditsheko. Rre Mpho o ne a akgolela bomme ba Women Riders World Relay go bo ba beile Botswana mo mmepeng ka mabelo ao a dikuta. Mabelo a Women Riders World Relay a simolotse kwa lefatsheng la Scotland mme a tlhotlhoma mafatshe ka maikaelelo a go tshwaraganya bomme le go ba tsibosa ka mabelo a diabesekele.
crime_law_and_justice
1
Ba Ngarange ba batla kgosi
Banni ba Ngarange kwa kgaolong ya Okavango ba lela ka tiego ya go rolelwa kgosi morago ga gore Kgosi Tshosa Tsheko a ithole marapo. Kgosi Tsheko o tlogetse tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2016 mme morafe wa dira maiteko ka 2017 go tlhopa Rre Moheto Nyumba yo ba supileng fa a nonofetse go tsena mo ditlhakong tsa ga Kgosi Tsheko. Mo posolotsong le A re tiego ya go bewa ga kgosi e ba ba ya ka fa mosing a supa fa a eletsa gore maphata a a maleba a ka tsibogela kgang eo ka bofefo. Le fa go ntse jalo, Rre Modimbura o kaile fa e rile ka kgwedi ya Phukwi mono ngwaga, ba etelwa ke lekoko la magosi ba romilwe ke Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi go utlwa ka seemo sa bogosi jwa motse wa bone. A re mo bokopanong joo, morafe o ne was supa fa o farologana ka megopolo mabapi le go tlhophiwa ga ga Rre Nyumba ka jalo lekoko la magosi la supa fa le tla gorosa molaetsa mme morago ba buse phetolo. O tsweletse a re morafe o latela ditlamelo jaaka go rurufatsa meriti ya matsalo, Omang, ditsheko le tse dingwe fela jalo kwa metseng ya Sekondomboro, Xakao le Shakawe. Rre Modimbura o boletse gape fa gompieno motse wa bone o saletse morago ka ditlhabololo ka ntlha ya go tlhoka kgosi. “Ditlhabololo di eme tsi! ka jaana re tlhoka bogakolodi jwa ga kgosi. Le motse wa rona o aperwe ke dikgang tsa semorafe mme re dumela gore kgosi fa a le teng o ka re kopanya ra nna seoposengwe ra dira mmogo ka thokgamo,” a tlatsa jalo. Kgosi wa Shakawe, Kgosi Kea Lempadi o tlhalosetse fa kgang ya bogosi kwa Nkarenge e le marara ka jaana motse oo e le makgatlhanelathapong e bile seo se dira gore banni ba farologane ka megopolo. Merafe e e fitlhelwang kwa motseng oo e akaretsa Basarwa, Bayei, Baxereko, Baxanekwe le Bambukushu. A re bangwe ba batla Rre Nyumba a ba etelela pele, fa bangwe bone ba le supa le le fa. Kgosi Lempadi a re le fa go ntse jalo, morafe o mo kopile gore bogolo a ba neele kgosi wa nakwana go ba kgaola maoto le gone go tsweledisa ditlhabololo tsa motse. A re le ene o ba gakolotse go kwalela Kgosi Moremi go re a sekaseke kopo ya bone a tlhalosa fa a sa ntse a emetse mokwalo oo. O tlhalositse fa molao wa bogosi o neela Kgosi Kealetile Moremi dithata tsa go ka tlhoma le go supa mongwe mo motseng go etelela morafe. A re se se diragalang kwa Ngarange ga se tlholo ntsha ka jaana ba kile ba nna le kgang ya mofuta oo kwa Seronga mme kgosikgolo a dirisa dithata tsa gagwe go rarabolola kgang. Mothusa kgosi ya Batawana, Kgosi Bringle Dithapo o supile fa seemo sa bogosi kwa Ngarange se ba fetile a supa fa ba kwaletse lephata la dikgaolo le tlhabololo go lebisisa kgang eo. Kgosi Dithapo a re e re ka morafe o ne o sa tseye tshwetso e e maleba, ba bone go tshwanela go fetisetsa kgang kwa go tona yo o lebaneng go e rarabolola. A re ba emetse phetolo mme fa e gorogile batla ikgata motlhala go ya go e rolela morafe. BOKHUTLO
politics
7
Dikgomo ga di a siamela masimo
Modusetilo wa lenaneo la go agelela masimo la Mmashoro Cluster Fence, Rre Tebelelo Kebasiile a re o tshwenngwa ke barui bangwe ba ba gananang le kopo ya gore ba ntshe leruo mo teng ga masimo a lenaneo la cluster fencing. Fa a bua kwa moletlong wa go rolela balemi ba Mmashoro Cluster Fence ba ba ikopantseng ba le 150 terata semmuso ke lephata la Tlhabololo Temo-Thuo le Tlhomamiso Dijo bosheng, Rre Kebasiile a re balemi ba Mmashoro Cluster Fence ba ruela mo teng ga masimo mme seo e ne e se tumalano mo molao- motheong wa bone. A re fa go dumalanwa ka terata ke beng ba masimo a a agelelwang, go ne ga gakololwa gore go ntshiwe dikgomo gore go seka ga kgorelediwa temo mme seo ga se diragale. O ne a supa fa ka nako ya temo ba senyediwa ke leruo la bangwe mme e re ba ba lopa dituelo ba bo ba sa dumelane. Ka jalo, Rre Kebasiile o ne a supa fa a sa itumelele gore terata e bo e le mo seemong se se sa itumediseng ka e ne ya senngwa ke ditlou le batho bangwe. A re Lephata la Temo-Thuo le tsere tshwetso e e maleba ka bangwe ba ne ba sa tlhokomele terata ba e bitsa ya puso. A re o na le tsholofelo ya gore e tlaa re ba sena go neelwa terata semmuso ba bo ba e tlhokomela ka e le ya bone. Rre Kemoagetse Pono go tswa kwa khamphaneng e e dirang menontshane ya Boost-Link, o ne a gakolola balemi ba Mmashoro Cluster Fence go tlhoafalela temo. A re bontsi jwa balemi bo na le lefatshe le go ka lengwang mo go lone mme ga ba le leme ba le beile fela. Rre Pono a re lefatshe leno le na le bokgoni jwa go ka itemela la kgona go bona dijo ka mmu wa teng o na le menontshane le metsi a mantsi kwa tlase ga lefatshe. O rotloeditse balemi go itshwaraganya gore ba leme kana ba adime ba ba nang le bokgoni jwa go lema lefatshe. A re fa ba sa dire jalo, ba tlaa felela ba supa puso ka monwana mme e sena mathata ka e ba thusa ka mananeo go le mo go bone go bona gore ba ka dira jang go ntsha dijo. Mogokaganyi wa mananeo a temo-thuo kwa kgaolong ya Legare, Rre Gwilizani Maposa o supile fa go bonala fa bontsi jwa balemi ba Mmashoro Cluster Fence ba sa tlhoafalela temo ka ba sa leme ka mashetla. A re lefatshe le le ageletsweng ke selekanyo sa diekere di le 6 400 mme 1 307.85 wa teng e le yo o setseng a abetswe balemi ke ba lekgotla la kabo ditsha. Rre Maposa a re diekere tse 853.37 tsa lefatshe di setse a epilwe go ka dirisiwa fa tse 5 092.15 di ise a ajwe. O rotloeditse balemi go sala melawana e ba e ipeetseng morago. A re maloko a Mmashoro Cluster Fence ba na le tshwanelo ya go sekisa yo o tlolang melawana e e beilweng. Rre Maposa o tsibositse banni ka lenaneo la go adima bagwebi ba ba nang le kgatlhego masimo a mananeo a cluster fence, a bolela fa le setse le simolotse kwa Leshibitse, Mookane, Kgatleng le mafelo a mangwe.
society
9
Balemi ba abelana maele
E rile kgwedi eno e le masome a mararo, balemi le balemisi ba dikgaolwana tsa selemisi tsa Mosojane, Mapoka le Zwenshabe, ba bo ba rulagantse mosepele wa go dikologa le masimo a balemi bangwe ba dikgaolwana tsa bone e le tsela nngwe ya go abelana megopolo le go anywa botsipa mo go ba bangwe mabapi le tsa temo. Fa ema pele balemi ka lefoko kwa bokhutlong jwa mosepele oo, molemisi wa diji mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Thabakgolo Onalenna a kopa batho go tsaya temo ka tlhwaafalo ka e le mokokotlo wa botlhokwa mo go ntsheng dijo tsa batho le tsa leruo. A re ga gona ka fa batho ba ka tshelang ka teng ntle le temo, a tlatsa ka gore fa e ka tsewa tsiya, e ka thama ditiro tse di seng kana ka sepe, ka jalo a gwetlha batsadi go rotloetsa bana ba bone go inaakanya le temo gore ba gole ba tshegeditse mowa oo. Rre Onalenna o ne a bo a rotloetsa balemi ba bangwe go gwetlhega mo memoweng go tla ba diragatsa tse ba di amuleng mo baleming ba bangwe mo pakeng e e latelang ya temo. O ne a tlhalosa fa balemi ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba dikile ba lemile ditema di le 11 000 fa go tshwantshanngwa le tse 17 000 tsa paka ya temo ya ngogola. Rre Onalenna a re seo se dirilwe ke go bo dipula di nnile boutsana, a re fela seo se seka sa ba kgoba marapo go ka innakanya le temo. Balemi ba ne ba gakololwa go lwantsha mohero ka metlhale e e farologaneng e tshwana go tlhagola le tiriso ya tshefi go na le go remelela mo motlhaleng o le mongwe fela, go tlhalosiwa fa go le botlhokwa go dira jalo mohero o santse o le monnye gore o seka wa fekeetsa dijalo, ba bo gape ba tlhabiwa podi matseba go lema dijalo tse di ka kgonang go itshwarelela mo mabakeng a a thata a tshwana mogote o o feteletseng. Balemi ba masimo a bone a neng a etelwa ke Mme Chikadzi Rauwe wa Mosojane le Borre John Nswazwi wa Mapoka, Sidney Manyathelo le Tafisa Dube ba Zwenshambe, ba ba neng ba tlhatlhelela batsena letsatsi leo ka tse ba di diragaditseng mo temong ya bone le ka dikgwetlho tse ba kopanang natso di tshwana boutsana jwa pula le diji mo masimong a bone. Fa a ntsha lefoko la kgotlhatso, Rre Dube le ene o ne a kopa balemi go nna le lenyora la go tlhwaafalela temo ka e ka thusa go nyeletsa tlala le lehuma mo malwapeng. Rre Dube a re molemi mongwe le mongwe o tshwanetse ya re ka nako ya temo a bo a eme sentle, a itse le dijalo tse a batlang go di jala, a ba gakolola go tsaya tsia dikgalolo tsa ba tepo loapi ka di ka ba thusa go tlhopha dijalo tse ba ka di jalang. A re mo godimo ga moo, thutuetso le kemonokeng ya balemisi e ka thusa balemi go tiisa moko mo temong, a supa fa seo e le sone se mo thusitseng le ba lelwapa la gagwe go tswa ka maduo a a botoka a ba duleng ka one. Mo mafokong a gagwe a kamogelo baeng, kgosi ya Zwenshambe, kgosi Moses Mabutho o ne a gwetlha balemi go dirisa bodiredi jwa lephata la temo-thuo gore ba kgone go bona dikgakololo tse di ka ba thusang go ntsha maduo a a nametsang. Kgosi Mabutho a re e re ka jaana bangwe ba sa kgona go tswa ka sepe mo masimong, seo se tshwanetse sa ba tlama go itshekatsheka go bona tse ba ka tswang ba sa di diragatsa gore le bone ba tswe ka sengwenyana jaaka balemi ba bangwe.
environment
5
Tharabololo ya moepo wa Selebi Phikwe e gaufi
Tona wa Ditswa-mmung, Boranyane jwa Pabalelo Tikologo le Tlhomamiso tsa Kgotetso, Rre Lefoko Moagi, o kgothaditse banni ba Selebi Phikwe go nna ka tsholofelo ya gore tharabololo ya seemo sa moepo wa BCL ga e kgakala. Rre Moagi o tlhalositse se bosheng mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima, Rre Dithapelo Keorapetse. A re bopelotelele le therisano di ka dira gore dikgang tsotlhe tsa go sekwasekwa ga go bulwa ga moepo le tse di amang badiri ba pele, di buisanngwe mme morago go batlwe tharabololo. Tona o ne a supa fa ditiro tsa meepo di le gaufi le pelo ya gagwe, ka jalo a kgothatsa morafe gore o seka wa mo felela pelo. O ne a supa fa a itumelela tirisano mmogo ya moeteledipele yo o neetsweng boikarabelo jwa go tlhokomela moepo wa BCL le dithoto tsa one. Rre Moagi o tlhomamiseditse banni ba Selebi Phikwe fa dikhamphane tse nne di supile kgatlhego mo go rekeng moepo o, a tlhalosa fa tse pedi di setse di le kwa lefelong go dira ditshekatsheko. O supile fa dipuisano tsa gagwe le motlhokomedi wa moepo e le gore ngwaga ono fa o fela, go bo go setse go tserwe tshwetso ka moepo wa BCL. O tlhalositse fa se se tshwanetse go potlakelwa ka go supafala fa moepo o senya madi a mantsi go na le fa o ne o le mo tirisong. Mopalamente Keorapetse ene o ne a supa fa a itumelela go bona tona wa meepo a tsweledisitse loeto la gagwe la go kopana le banni ba Selebi Phikwe, morago ga lebaka le le leele moepo o tswetswe. A re se se tla nontsha dipelo tsa banni ba Selebi Phikwe, ka go supa therisano e Batswana ba itsegeng ka yone. O tlhalositse fa go tswalwa ga moepo wa BCL go ne ga baka kutlo botlhoko e ntsi. O supile fa melao mengwe e siilwe ke nako ka jalo e tlhoka go sekasekwa sesha,a re go tlhoka go duelwa ga badiri ba baneng ba latlhegelwa ke ditiro go bakilwe ke melao e e ba beileng ka fa mosing. Mokhanselara wa Leseding, Mme Phemelo Nthwane, a re le fa banni ba Selebi Phikwe ba amilwe ke letlhoko la ditiro ka bontsi, ba ne ba dira kwa moepong wa BCL, mme se ga se a ka sa ama thuto ya bana ba dikolo. Mme Nthwane a re dikolo tsa Selebi Phikwe di tsweletse ka go dira bontle thata mo maduong a tsone. O ne a kgothatsa batsadi go tshwaragana le barutabana go tsweledisa se toropo e, e itsegeng ka sone.
economy_business_and_finance
3
Bohule o tshela ka mogolokwane
E setse e le selo modiro kwa Moshupa gore barulaganyi ba mediro mengwe ba natifise mediro eo ka mogolokwane oo tseremang wa ga Mme Moshale Bohule. Mme Bohule a re go letsa mogolokwane ke mpho ya Modimo ka a sa o rutwa ke ope. Le fa go ntse jalo, botswerere jwa ga Mme Bohule ga bo gakgamatse ka jaana mmaagwe, Mme Gaolebale Mokgosi, le ene o ne a tumile ka mogolokwane. Mme Bohule, yo o dingwaga di masome marataro le bobedi, a re o godile a ithaopa go leletsa batho mogolokwane kwa medirong, mme jaanong nako e gorogile gore a dirise bokgoni jwa gagwe go itshetsa. A re o ntse a diragatsa le mongwe wa losika, Mme Aria Bohule, yo bogodi bo neng jwa mo fokoletsa metsamao. “Batho ba setse ba nkitse le mogolokwane wa me, e bile fa ke seo mo modirong ba a lemoga,” a tlhalosa. Mme Bohule a re keletso ya gagwe ke go bona talente ya gagwe e mo direla madi. Mogopolo o, o simologile a sena go lemoga gore yaare a diragatsa kwa medirong go bo go sena sepe se a se supang. A re dingwaga tse tsotlhe o ntse a ithaopa fela mme bangwe ba mo leboga ka bonnyennyane jo ba bo kgonang. Mme Bohule a re o ikemiseditse go tsamaela gongwe le gongwe mo Botswana kwa a ka bidiwang teng ka a ipela ka mpho ya gagwe ebile a eletsa go itsege lefatshe ka bophara.
society
9
Mokhanselara o kopa dipone tsa mekgwatha
Mokhanselera wa Morupule, Rre Jordan Makhuru, o sa tswa go baa pele khansele potlana ya Palapye megopo ele meraro e mo go yone go dumelwaneng le ele mebedi ya bo e fetisediwa kwa komiting ya khansele ya madi fa wa boraro ane a o boela morago. E rile a ala mogopo wa gagwe wa ntlha o o neng o kopa khansele potlana go akanyetsa go agiwa ga dipone tsa mokgwatlha mo tseleng ya Khurumela, g otswa fa borogong mo tseleng ya Gaborone/Francistown, mokhanselera Makhuru a supa fa gole botlhokwa gore lefelo leo le nne le dipone ka tsele eo e dirisiwa thata. Mo mogopolong wa bobedi one a kopa gore a khansele e a kanyetse go agiwa ga ntlo ya diphutho (Palapye Sub Council Chamber, mabaka a gagwe ele gore ntlo e diphuthego tsa khansele potlana e tsenelang teng ga e lekane e nnye fela thata, mme ebile e diresediwa diphuthego tse di farologaneng le one manyalo tota ke khansle le molaodi, are seo gape se ka thusa gore enne ere fa bagolo ba tsile ba kgona go kopana le bodiredi fa go phothulogileng teng gona le go dirisa madi a mantis go firisiwa kwa dioteleng. Ene yare a ala kgang ya gagwe are o tswa go bone kago e ntle kwa Bobonong, e e agilwe ka lenaneo la ipelegeng, are fela jalo le khansele potlana ya Palapye e kaya gotsaya malebela teng yabo ya tsaya maele gore bakgonne jang, are kago ya mofuta oo etlaa solegela dikokomane tse ditlang molemo , a lebeletse gape gore lefelo le dikgago tsa khensele le leng mo go lone le letona fela thata go ka tsenya kago ya mofuta oo. Makhanselera bane ba farologana ka megopolo, bangwe bare mogopolo o siame fa bangwe bane bare o seka wa sekegelwa tsebe. Gone ga ema mokhanselara wa Lecheng Charles Mabjeng a ema nokeng mogopolo are nako e tsile ya gore balebele pele mo isagong, are ere ka mogopolo osa re go agiwe ka moso, o supa tlhaelo ya diofisi le gosa phuthulogang ga makhanselara ka nako ya diphuthego tsa bone ene o o ema nokeng. Mokhanselera wa Lerala Botlhaba Kabo ketshogile , yo ebileng ele mothusa modulasetilo le ene one a ema mokaulengwe wa gagwe nokeng are a makhanselera ba tsee tsia ka go ema nokeng megopolo e e ntshitsweng ke bone gona le go ema nokeng fela e e yang kwa maphateng a mangwe a puso. Are makhanselera batshwanetse gosupa gore le bone ba a a kanya , ba botlhale baka tla ka megopolo e nang le boleng jaaka wa go agiwa ga khansele Chamber ele bontlha bongwe ja ditlhabololo. Mokhanselara George Makhuru wa Khurumela le ene one a ema mogopolo oo nokeng are, palapye kafa a golang ka teng o thokana le gore ditkhabololo di itepatepanye le go gola ga motse, a supa gore go akanyediwa ga gore Lerala a nne khansele potlana ga go kgoreletsa go ka agiwa ga khansele chamber go lebeletse gore etlaare isagong palapye a bo a ikemetse gotswa kwa Serowe kwa bakopanelang teng ele makhanselera a legare fela botlhe. Are fa mogopolo o tla o wabo o lebile seemo sa nako eo Mokhanselera Opelo Modimooaitse wa Matolwane, Gabagopole Sebele wa Lerala Bophirima le Mphoentle Kabelo wa Mmaphula botlhaba bane baseka ba ema mogopolo oo nokeng basupa fa o sa tsamaya sentle bare one o tshwanetse wa tsengwa mo lenaneong la kakanyetso ya ditlhabololo, gona le gore otle ka tsela e e tsileng ka yone. Mme basupa fa basa bone botlhokwa ja mogopolo oo gore o ka amogelwe, golebeletswe gore go santse go nale lenaneo go akanyetsa gonna teng ga khansle potlana kwa Lerala, seo seraya gore ba batlaa salang batlaa lekana gotsenela mo ntlong Ya diphuthego e e teng basa pitlagane ka batlaa bo bale palo potlana. Mokhaneselara Kabelo one are ene o bona goka akanyediwa go reka dikharavene, fela jaaka di dirisiwa ke khansele potlana ya Thamaga/Mogoditshane, gona le go akanyatsa dikago tsa sennela ruri. Mogopolo oo le one one wa fitisediwa kwa komiti yang madi ya khanele gore go o lebelelwe, morago ga gore o engwe nokeng ka go tsholetsa matsogo.
politics
7
'Supang lerato ka go abelana'
Moruti Joe Linga wa kereke ya Headmountain kwa Mosetse a re badumedi ba tshwanetse go supa mowa wa kutlwano le lerato ka go thusa batlhoki. Moruti Linga o buile seo kwa moletlong wa go abela bana ba kereke ya Headmountain ba sekole sa tshipi kwa Tutume ka Sontaga. A re batho ba nna ba ntle ka seaparo sa kereke ba sa itshupe ka ditiro, ba ja ba tsholole dijo ntswa gona le mongwe yo o bapileng le bone yo o tlhokang. O tlhalositse fa seo a se itemogetse ka ba kereke ya gagwe ka ba kile ba etela lefatshe la Namibia kwa ba ile ba bo ntshiwa bana ba ban eng ba le mo seeming se se sa kgathiseng ba apere makgasa mme gab a a ka ba tsaya kgatlo epe go bona gore bana bao ba bona sengwe se se ka fetolang matshelo a bone. A gatelela ka gore tumelo e e senang ditiro ga se tumelo ka jalo modumedi o tshwanetse go bonwa ka ditiro tse di supa lorato le bopelotlhomogi.Moruti Linga a leboga tiro ntle e e dirwang ke ba good samarithans purse,a re ke batho ba kwa mafatsheng a kgakala mme ba lemogile fa gona le bana ba ba tlhokang thuso ya bone ka jalo ba kgona go atolosa letsogo la bone ba thuse bokgakala jo bo kalo. Sebui sa tlotla sa letsatsi leo,mokhanselara wa Tutume borwa,Rre Morris Keaketswe a re seabe sa kereke se se tona thata mo setshabeng ka e aga setshaba,go rotloetsa kagiso le botho.Rre Keaketswe a akgola kereke eo,a re thulaganyo e ba e dirileng entle thata,a tlatsa ka gore kgwedi ya Tlhakole key a lorato ka jalo ba supile lorato mo baneng ba bone. A re gape kereke e rotloetsa matshego a mane a lefatshe,la boipelego,bopagano le la botho tota.A supa gore mo matshegong a mane ao ke gone mo go dirileng gore batho ba obamele ka tshosologo le thokgamo le kgololosego ya go rapela modimo.O tsweletse a bolela fa go supega fa kereke eo ya Headmoutain e sala molao motheo ka sengwe le sengwe se direlwa mo pontsheng.A ba kopa go tswelela ka mowa o le mongwe ka mo go tla dira gore ba kgone go ngoka maloko a mantsi. Morutabana wa sekole sa tshipi sa kereke eo,Mme Withus Moeti o ne a tlhalosa fa dimpho tseo ba di filwe ke ba good samarithans purse e le mephuthelwana ya mabokoso go abela ba dingwaga tse nne go ya kwa go tse di lesome le boraro. Mme Moeti a re ba bonye go tshwanela go abela bana ba ba tsenang sekole sa tshipi go ba rotloetsa go nna bat la dithuto tsa baibile Sontaga mongwe le mongwe.A tlhalosa fa sekole seo se letla ngwana mongwe le mongwe le yo o sa tseneng kereke eo. A bolela fa ba batla go dira pharologanyo mo matshelong a bana ka bana ba tshwara ka pela gape ba kgona go gakolola batsadi ba bone le go ba sokolola tota.O ile a kopa batsadi go rotloetsa bana ba bone go tsena sekole seo le go ba ema nokeng gore maitiko a bone a atlege.
religion_and_belief
8
Pilediwa e a lwelwa - Kgosi Modiro
Kgosi wa Zoroga mo kgaolong-potlana ya Tutume, Kgosi Thomas Modiro o supile fa a tshwenyegile ka palo e e boutsana e banni ba motse wa gagwe ba tlang diphutlhegong ka yone. A re gantsi ba tla diphuthegong fa ba le mo Ipelegeng fela. O buile jaana mo potsolotsong le BOPA bosheng. Kgosi Modiro a re le maloko a dikomiti tsa motse ga a tsenelele diphuthegong mme e le bangwe ba bogogi jwa motse, ka jalo se se dire gore ba salele morago ka mananeo le ditirelo tsa puso di gorogela mo kgotleng. “Puso e leka ka thata gore e thuse batho mme ga ba batle go amogela seo. Go ne ga tla difomo tsa dikgaisanyo tsa mabelo a banana mo kgotleng mme banana ga ba a ka ba tla pitsong eo ka nako go fitlhelela di fetwa ke malatsi,” go bua Kgosi Modiro. A re metshameko eo e diretswe banana go ka tlhabolola matshelo a bone le go ba ntsha mo mebileng mme ba ganeletse morago fela gona le go kopantsha puso tseleng. O supile fa batho ba tla kgotleng fela ka nako ya phiro ya Ipelegeng mme ba fitlhele e le gore ba fetilwe ke ditirelo di le dintsi ka go sa tsenelela diphuthego. Kgosi Modiro o tlhalosa fa dithuto, ditsamaiso le ditirelo tsa lefatshe di tsewa ka tlhamalalo kwa lekgotleng mme fa batho ba sa tle diphuthegong ga ba na go anywa tseo moro ka ba tla abe ba sa itse sepe ka tsone. O supile fa majalwa a a rekisiwang pele ga nako mo malwapeng e le one a diang batho go ka dira ditiro tsa boithaopo ka ba akanya fa di ba diela nako. Kgosi Modiro a re boithaopo bo tsala katlego ka bo ka isa motho golo gongwe mme batho bangwe bone ba akanya gore ke kgokgontsho. A re maikaelelo a gagwe ke go rotloetsa mowa wa boithaopo mo bathong gore fa go nna le phiro ba lejwe pele e le go rotloetsa boithaopo ka puso le yone e kokonelwa mme batho ba sa batle go itsosa. O ne a wela ka go rotloetsa banana go tsenelela diphuthego ka nako tsotlhe ka dino tagi di sena tswelelo pele fa e se poelo morago fela. Fa modulasetilo wa komiti ya boipuso, Rre Otsetswe Monthe a tswa la gagwe, a re morafe o ne o sa tshologela boipuso mo lekgotleng jaaka dingwaga tse di fetileng. A re boitumelo mo morafeng o o neng o tsile le balalediwa bo ne bo le bontsi fela thata mme se se neng se sa itumedise e ne e le palo e e bohutsana ya setshaba. A re ga go a nna le sepe sekgoreletsi sa letsatsi le fa e se boitseme le bokoa fela jwa maloko a komiti. BOKHUTLO
society
9
Mokgatlho o rotloetsa bomme go itshetsa ka botaki le bodiragatsi
Modulasetilo wa mokgatlho wa Botswana Association for Women Artists, Mme Omphile Makubate a re mokgatlho wa bone o tlhametswe go rotloetsa bomme go tlhagafalela botaki. O kwadisitswe ka fa molaong ka kgwedi ya Phalane ngwaga oo fetileng. Mme Makubate a re mokgatlho o, o itebagantse le go ema nokeng bomme ba ba dirang tiro ya botaki le bodiragatsi gore ba kgone go itshetsa ka yone. O tlhalositse fa mokgatlho wa bone o kwadisa maloko a bomme ba ba eletsang go thusiwa ka go bapatsa ditiro tsa bone kwa mafatsheng aa kwa moseja. A re mokgatlho o, gape o dira tiro ya go lomaganya bataki le badiragatsi le makgotla a baka bonang dithuso mogo one gore ditoro tsa bone di atlege. Mme Makubatle o boletse fa mokgatlho wa bone o ruta maloko a one go rekisa dithoto le bodiragatsi jwa one kafa tsamaisong ntle le go tsiediwa ke bareki. O tlhalositse fa ba setse ba kgonne go thusa maloko a bone go bona mmaraka oba rekisang dithoto tsa bone kwa mabentleleng a matona kwa mafatsheng a sele. A re mokgatlho wa bone gape o thusa maloko a one aa dirang ditiro tsa diatla go aga mafelo a baka rekisetsang dithoto tsa bone teng. Mme Makubatle a re ba dumalane le balogi ba ditlatlana kwa motseng wa Mathathane gore ba age lefelo le ba tlaa rekisetsang ditlatlana teng. O kgothaditse bomme go ikwadisa le mokgatlho wa bone gore ba tle ba thusiwe go itshetsa ka botaki le bodiragatsi jwa bone. BOKHUTLO
arts_culture_entertainment_and_media
0
Banana ba gakololwa go tsaya boikarabelo ka botsogo
Banana ba gakolotswe fa botsogo e le boikarabelo jwa bone go tlhomamisa gore ba tshela ba itekanetse e bile ba sa tshelele ka fa tlase ga kgokgontsho. Seo se builwe ke Mme Masego Masunga go tswa kwa Cresta Bosele Hotel kwa moletlong wa Month of Youth Against AIDS MYAA o o neng o rulagantswe ke ba sepodise sa Selebi Phikwe kwa Botshabelo mo Selebi Phikwe. Mme Masunga o ne a supa fa dipalo tsa banana mo Botswana e le tsone tse di kwa godimo, ka jalo ba tshwanetse go itsaya ka tlhoafalo ka e le bone baeteledipele ba kamoso. Mme Masunga o ne a supa fa puso e tlhamile mananeo a mantsi a banana ba ka itlhamelang ditiro ka one, mme se se dire gore ba thape banana ba bangwe. Mme Masunga o ne a ba rotloetsa go dirisa mananeo ka tlhoafalo ka a ka ba ntsha mo lehumeng le le ka dirang gore ba iphitlhele e le ba-tswa setlhabelo mo go angweng ke mogare wa HIV/AIDS le kgokgontsho ka lebaka la go batla madi. O ne gape a supa fa puso e butse dikokelo tse di itebagantseng le banana gore ba kgone go phuthologa go bua ka botsogo jwa bone go sena kgatelelo epe. Mme Masunga o ne a supa fa mo nakong ya gompieno tiriso ya maranyane a segompieno a tshwana le a Facebook le WhatsApp e le kwa godimo thata, ka jalo batho ba tsaya nako e ntsi ba e dirisa mme se se dira gore batsadi le bana ba seka ba nna le nako ya go neelana maele a botshelo. O ne a kgothatsa banana go nna kelotlhoko fa ba dirisa maranyane ka ba ka iphitlhela ba tsene mo dilong tse di ka sekang tsa ba solegela molemo, gape a supa fa mo nakong ya gompieno bana ba ba kwa tlase ka dingwaga e le bone ba ba tsholang bana ka dipalo tse di kwa godimo mme se se ba baya mo diphatseng tsa go tsenwa ke HIV. Mme Portia Jakoba yo e leng mooki kwa sepateleng se sebotlana sa Botshabelo o ne a rotloetsa bomme go tsaya kgato go itlhatlhobela kankere ya molomo wa popelo ka go lemotshegile e ama bomme ka bontsi. Mme Jakoba o supile fa boitshwaro jo e seng jone bo tshwana le go goga motsoko le tlhakanelo dikobo e e sa sireletsegang di ka dira gore motho a iphitlhele a tsenwe ke mogare wa kankere. Kwa bofelong Supritendent Gothusang Badubi o ne a gakolola bomme ba banana go ema ka dinao go itse ditshwanelo tsa bone ka e le bone thari ya setshaba. Supritendent Badubi o ne a supa fa ba tshwanetse go nna sekao mo baneng ba ba santseng ba gola.
education
4
Pina ya setshaba e a tlotlwa
Mothusa kgosi kwa lekgotleng la Peleng mo Lobatse Mme Tshegofatso Setumo a re go a gakgamatsa go bona pina ya setshaba e sa fiwe tlotla e e e tshwanetseng. Ka jalo o gakolotse ba-na-le seabe botlhe ba rute ka botlhokwa jwa go tlotla pina ya setshaba. Kgosi Setumo o buile mafoko ao mo mafokong a gagwe a kamogelo mo Lobatse jaaka ba lephata la go fa banana dithata metshameko le ngwao ba ne ba tshwere dikgaisanyo tsa metshameko ya kgaolo ka go farologana tsa kgaolo ya borwa. A re pina ya setshaba ga e fiwe tlotla e e tshwanetseng, jalo a kgothatsa gore botlhe batho ba itshekatsheke ba tseye pina ya setshaba ka tlhoafalo ba e efe tlotla e e tshwanetseng. E rile a ema mogolwane wa lephata la go neela banana dithata, metshameko le ngwao Mme Malebogo Mosala a bolela gore metshameko e ke lengwe la mananeo aga Tautona, go lebagana le matlhoki a banana jaaka go tlhoka ditiro, go bantsha mo go inaakanyeng le nnotagi, go ba itsa go tsena mo ditirong tsa botlhoka tsebe tse di ka ba tsenyang mo dipharagobeng jaaka boimana jo bo sa ipaakanyediwang le tse dingwe. Mme Mosala o tsweletse a re le fa go ntse jalo kgang kgolo ke boitshwaro, a re batshamiki ga ba bereke sentle mo go felelang go nna le ditsheko, atlatsa ka gore ba tshwanetse go itse gore lenaneo le leraya eng mo go bone. Mo go tse dingwe Mme Mosala a re lenaneo, le dira gore batshamiki ba ithekise ka bokgoni le ditalente tsa bone mo ba ka felelang ba itshetsa, gape le go ntsha dikgeleke tse di ka aging dikolo go aga batshamiki ba ba farolganeng. O tsweletse a bolela gore ga a itumedisiwe ke kafa batshamiki ba kgaolo ya borwa badirang ka teng a re bakwa tlase fela thata gape bakwa morago a ba rotloetsa go itharabologelwa mme ba tlhabolole ditalente tsa bone. Mme Lame Hetanang, yo e neng e le motshamiki wa karate, gape e le monana wa Lobatse o kgothaditse batshamiki gore gore bafitlhele ditoro tsa bone go batla maitlamo, lerato mo go se base dirang mme tse tsotlhe ditlhoka gore motho abo ana le boitshwaro, jo bo amogelesegang, o ka ratwa wa tlotlwa ke batho botlhe ga o le maitseo. A re mokatisi le ene o ya go lemoga mme a go neele tsotlhe tse o ditlhokang, a tlatsa ka go re ga go na jaaka o ka ja monate o sa o fufulela. Mme Hetanang go filwe tlotla ya motshamiki wa mme wa ngwaga wa 2016-2017, a gapa gape ya mme yo dirang bontle mo Afrika, a nna maemo a masome a mararo le borataro lefatshe ka bophara. E rile a ema Rre Mogotsakgotla Sebopelo a bolela gore botlhokatsebe jo bo ka kgoreletsang metshameko e ke dikgotlhang gareng ga batshamiki a tlatsa ka go re ba tshwanetse go itse gore ba tletse ene mo metshamekong e. Bokhutlo
arts_culture_entertainment_and_media
0
Maduo a sekole ga a amane le lefelo
Go le gantsi batho ba dumela mo goreng ngwana o ka bona thuto e e lolameng fela fa a tsene mo dikoleng tsa sekgoa, kana a le mo mafelong a a nang le ditlamelo, segolo jang mo metseng e metona, seo se bo se rotloetsa boitseme jwa go dira ka natla ga bodiredi go ntsha maduo. Bosheng jaana mo kgaolong ya botlhophi ya Mmadinare, mo motsaneng wa Diloro dikhilomithara di ka nna masome a supa mo bokone jwa Palapye go ne go le boitumelo jo botona fa batsadi, baratubana le bana ba sekole ba ne ba itumelela maduo a lekwalo la bosupa. Sekole sa Diloro se na le baithuti ba le lekgolo, masome a matlhano le borobabongwe. Fa a tlhalosa ka fa dikole di agilweng ka teng ka setlhopha sa kgaolwana ya thuto, Mogokgo Esther Molelo o ne a re sekole seo se simolotse go tsaya baithuti ba ntlha ka 1989, se le mo kgaolong ya botlhatlhobi jwa dikole jwa Palapye Bokone, mo kgaolwaneng ya Palapye e e nang le dikole tse dipotlana di le masome mararo le bosupa, se wela mo kgaolwaneng ya MOKGADI. Kgaolwana ya MOKGADI, e bopilwe ka metse e le meraro ebong Mogapinyana, Kgagodi le Diloro. Sekole sa Diloro se gaisana le dikole di le lesome le boferabongwe tsa kgaolwana ya botlhatlhobi jwa dikole, se bo se wela gape mo palong ya dikole tsa kgaolo ya Legare tse di makgolo mabedi, masome a matlhano le bosupa, seo se bo se se baya mo maemong a sephatlo mo lekgolong sa dikole tse di dirileng sentle mo kgaolong yotlhe. Ba sekole sa Diloro ba bonye maemo a ntlha mo dikoleng tse di lesome le borobabobedi tse di phadisanang le sone, sa bona maemo a ntlha mo kgaolong ya botlhatlhobi jwa dikole, sa bo sa bona maemo a ntlha mo dikoleng tsa kgaolo ya Legare, tsotlhe di kopane ka go tsaya maemo a ntlha a lekwalo la bosupa ka 93.3 mo lekgolong. Go ne go kwala baithuti ba le lesome le botlhano, ba le lesome le bongwe ba tsaya letshwao la ntlha (Grade A) fa ba le bararo ba bone (Grade B) ba latelwa ke a le mongwe ka (Grade C). Mo go bone Lerato Kebaabetswe o kgonne go tsaya (Grade A) mo dipampiring tsotlhe tse a neng a di kwala di supa. Mogokgo o ne a supa fa botsadi jwa motse wa Diloro bo tshwaraganetse thuto ya bana le barutabana ka ditsela tsotlhe, a re seo ke sengwe sa tse di rotloetsang barutabana go dira tiro e ntle kwa sekoleng. Mme Molelo a re moono wa sekole ke gore go nne le lenaneo la puisano le bodiredi, bana le bogogi jwa sekole gore barutabana ba ikutlwe ba gololesegile go dira tiro ya bone ka kemo nokeng ya gagwe, a itebagantse segolo bogolo le botsogo jwa bone jwa letsatsi le letsatsi. Se sengwe gape ke tshwaraganelo megopolo e e ka tswang ka maduo a a botoka, jaaka ba dumela mo goreng ngwao ya sekole ke gore bana ba bale thata mo sekoleng le kwa lapeng ba thusiwa ke botsadi. Mogokgo a re seo se thusa thata gore ba tle ka maduo a a nang le boleng, a re segolo bogolo motho yo o rutang bana ba lekwalo la bone go ya kwa go la bosupa ene o tlhoka kemo nokeng e e tseneletseng go dira ka natla. Mme Molelo a re ene le barutabana ba gagwe ba dumela mo go supegetsaneng diphoso kwa ntle ga poifo, a re seo se ba a ba berekela ka e bile se agile motheo wa motia wa kgodiso ya ngwana. Sekole sa Diloro ke sengwe sa ntlha go simolodisa dithuto tsa bananyana ka 2014, mme morutabana yo o rutang bana bao ke yo o nang le dithutego tse di kwa godimo tsa degree. Mme Molelo a re le fa letlhoko le le teng ga le bakgobe marapo ka ba sokola ka mo go tweng go neela bana thuto ya boleng jo bo kwa godimo. Morutabana wa lekwalo la bosupa, Rre Rebaone Mosarwa e ne ya re a tswa la gagwe a supa fa go ruta bana ba lekwalo la bosupa e le kgwetlho, mme fela a re go tlhoka boineelo le kemo nokeng ya bodiredi jotlhe le ba e seng barutabana tota. A re o ne a le teng go neela bana tse ba di tlhokang le go ba rotloetsa, fa tiro yone e ne e dirwa ke bana ka go ithuta ka ditlhophana, kwa malapeng le mo sekoleng. A re ba ne ba dira jalo ka go tlhopha bana ba ba tshwarang ka bonako ba bo ba ba golaganya le ba ba tshwarang ka bonya mo ditlhopheng, a re seo se ne sa ba berekela. Rre Mosarwa a re go nna teng ga motlakase mo sekoleng le gone go a thusa ka ba kgona go bala go fitlhelela bosigo le gone ka mafelo a beke tota. Mogolwane wa khamphani ya Stanlib Investment, Rre Moarabi Mariri o ne a gatelela botlhokwa jwa barutabana ba dikole tse dipotlana a re ke bone batho ba ba botlhokwa thata mo go ageng bana go tswa kwa moding. BOKHUTLO
education
4
Boleng jwa dithoto pinagare ya katlego ya kgwebo
Bagwebi ba ba botlana ba rotloeditswe go rekisa dilwana tse di nang le boleng ka jaana phadisano e le kwa godimo. Thotloetso e, e dule ka mogolwane wa madirelo a ditena a Makoro kwa dikgaisanong tsa bagwebi ba ba botlana tse di neng kwa Palapye bosheng. Mme Dorcus Mosesha a re bagwebi ba ba botlana ba tshwanetse go nna motlotlo ka dikgwebo tsa bone. A re kgwebo e na le dikgwetlho tse dintsi mme e tlhoka bopelotelele. Mme Mosesha a re tebelopele ya setshaba ya 2036 e tlhalosa maikaelelo a puso gore Batswana ba bo ba na le dikitso tsa kgwebo ka bontsi. Mme Mosesha a re go ka nna motlhofo fa bagwebi ba ka dira dikgwebo tsa bone ba itshwaragantse le go tsaya malebela mo go ba bangwe ka seo se ka ba thusa go rotloetsana gore ba kgone go tsweledisa. A re fa ba ka itshwaraganya le ba dikgwebo tse dikgolwane go ka ba thusa go anya botsipa mo go bone a bo a ba lemotsha gore dithuto tse ba di fiwang, ba seka ba ema foo, ba itsholetse ba seka ba emela go thusiwa. Kgosi Samuel Maforaga wa kgotla ya Serorome o kgothaditse gwebi ba botlana go tsaya malebela mo go ba ba ba rutuntshang. A re ba kgothatsane ka kgwebo ke selo se se yang godimo le tlase mme se batla go itshokelwa.
economy_business_and_finance
3
Mokubung o kgothatsa Manaledi
Mookamedi wa lekalana la Selebi Phikwe Diversification Unit (SPEDU), Dr Mokubung Mokubung, o kopile banni ba Manaledi kwa Tswapong go tsaya ka tlhwaafalo ditirelo tse lekgotla la gagwe le itlamileng go di direla setshaba. Fa a bula semmuso bokopano jwa malatsi a mararo jwa SPEDU le setlhopha sa bomme se se dirang dinkgwana sa Manaledi bosheng, o boletse fa tirisano mmogo ya SPEDU le Manaledi e ka tswa tema fa ba ka nna le popagano. Maikaelelo a bokopano joo e ne e le go buisana ka go dira setlhopha se se tlaa bong se okametse ditlhabololo tsa Manaledi. Dr Mokubung a re SPEDU e ikaeletse go tlhabolola metse mme mo tirong eo ba solofela gore le fa ba thusa metse jalo, ba ba thusiwang ba tsenye megopolo ya bone mme ba seka ba phutha diatla fela. A re ba tshwanelwa gape ke go ntsha megopolo ya gore ba batla setlhopha sa bone e nna se se ntseng jang le gore se tlaa bo se dira ditiro tsa mofuta ofe. O ne a iteela banni ba motse wa Manaledi legofi a bolela fa ba kgonne go tshegetsa ngwao ya bone ya go bopa dinkgwana mme ba felela ba e amogana le dikokomane tsa bone ka go utlwala fa e sale e tswa bogologolong. Ka jalo a re go dirisanya le SPEDU go tlaa nonotsha go bo go tsweledisa tiro ya bone ya go bopa dinkgwana ka ba tlaa felela ba na le motheo le lekgotla le le tlaa tsamaisang thekiso ya dinkgwana tsa bone. Kgosi Batwaetse Mapulane wa Manaledi o ne a tlhalosa fa mmu wa letsopa mo motseng o sale o lemogilwe ka dingwaga tsa bo 1800 mme ba thibelela foo ka ba ne ba bona go na le botshelo. A re esale mo dingwageng tseo go simololwa go dirwa dinkgwana mme le mo nakong eno di a dirwa mme di dirisetswa ditiro tse di farologaneng di tshwana le go apaya, go baya metsi le go kgabisa. A re mo bogologolong mmu o o dubang dinkgwana oo, o ne o dira le mogoma mme kwa matlotleng a banni ba Manaledi go bonala one masalela a megoma eo. Kgosi Mapulane re o ne a utlwalela ka SPEDU mme a bua le bone gore ba thusa setlhopha sa motse wa gagwe gore ba ka dira jang go itshetsa ka dinkgwana tsa bone.
economy_business_and_finance
3
Go tshololwa ga ditsheko go busetsa morago
Go bolelwa fa e ne ya re ka Matlhatso ka nako ya borobabongwe bosigo mapodisi a Sejelo a begelwa fa bana ba wetswe ke ntlo kwa masimong a Tirwane gaufi le Kanye morago ga pula ya matlakadibe ya letsatsi leo. Mookamela mapodisi a Sejelo Rre Matlapeng a re go begilwe fa ngwana wa dingwaga tse thataro a ne a tlhokafala mme yo mongwe wa tse tharo a ne a bona dikgobalo tse dipotlana mo nokeng. Mapodisi a Sejelo gape a tlhotlhomisa tiragalo e go itlhetsweng rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bone wa kgotla yoora Tlagae kwa Kanye a fitlhetsweng a tlhokafaletse mo ntlong. Mo potsolotsong le Rre Matlapeng a re moswi go tlhalositswe fa a ntse a lwala mme mmaagwe a ne amo tlogela malatsi a mararo go ya masimo mme e ne ya re a boa ka Matlhatso a kgatlhatshiwa kwa kgorong ke go utlwa monko o o sa siamang mme fa a tsena a fitlhela ngwana wa gagwe a tlhokafetse e bile a senyegile. A re ka setopo se ne se senyegile go ne ga rulaganyediwa phitlho mme a bolokwa gone ka letsatsi leo. Rre Matlapeng a re e ntse e le mo kgotleng yoora Tlagae, go begilwe fa dithoto le P5 600 di ne tsa jewa ke molelo morago ga gore beng ba robale ba sa tima kerese mme, mme ba tsosiwa ke monko wa segau bosigo. Mogo tse dingwe Rre Matlapeng o ne a rotloetsa batsadi go tsaya maiakarabelo a go tlhomamisa gore kerese e timilwe pele ga ba robala ka e le borai. BOKHUTLO
politics
7
Khansele le DHMT di anamisa molaetsa
Bagolwane ba khansele potlana ya Serowe, ba patilwe ke badiri ba lephata la botsogo le boitekanelo, ba boloditse letsholo la go gasa molaetsa wa thibelo kanamo ya mogare wa corona. E rile ka Mosupologo, lekoko leo la etela badiri ba matlhabelo a dikgomo a Serowe, kwa ba fitlhetseng badiri ba eme sentle go thibela mogare wa corona. Badiri ba matlhabelo ba kaile fa le bone ba monetse marulana pele ka go iphapa le go obamela dikgakololo tsotlhe, mme ba bolela fa sebe sa phiri e le gore tiro ya bone e ba patika go bereka ba atumalane thata. Ba re ba leka ka thata go tlhapa ka metsi aa nang le molora nako le nako fa ba ntse ba theogetse. Moanamisa mafoko wa khansele potlana ya Serowe, Rre Onkabetse Ntwe, o tlhalositse mo potsolosong fa go santse go sekasekwa gore badiri ba ka theogela jang. Mokwaledi wa khasele potlana e, Rre Rampootho Kedikilwe, o kgothaditse badiri ba khansele go tsaya dikgakololo le melawana ya ba botsogo ka tsoo pedi. O boletse fa mogare wa corona o anama ka lebelo le le kwa godimo thata, mme go batla babereki ba ititaya ka thupana go ipabalela. Modiri wa botsogo go tswa kwa lekalaneng la DHMT, Rre Mogomotsi Samson, o ne a bolela fa bolwetse jwa COVID-19 bo anama go tswa mo mothong go ya kwa go yo mongwe. A re bo anama fa molwetse wa teng a gotlhola kana a ethimola a sa thiba molomo kana nko kana motho a amana le didirisiwa kgotsa diatla tse di kgotlelesegileng. A re bolwetse bo itshupa ka dikai tsa mhikela, mogote oo kwa godimo, go gotlhola, go hema ka thata, letsapa lele feteletseng le go opa ga tlhogo. Rre Samson o ne a bolela fa dikai di ka gatelela batho ba masole a bone a mmele a leng kwa tlase, bagodi, batho ba malwetse a a sa alafesegeng le ba malwetse a mafatlha. O boleletse badiri ba matlhabelo gore bolwetse ga bona kalafi, mme balwetse ba thusiwa ka kalafi ya dikai tse ba di supang. Rre Samson o ba kopile go tlhapa diatla ka metsi a a phepa le molora le di bolaya mogare, go thiba molomo le nko ka khuti ya sejabana fa motho a gotlhola kana a ethimola, go ikgapha mo go botlhe ba ba nang le dikai tsa mhikela le fa go leng mosuke teng. E re dikgang di eme jalo, Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi erile ka Labobedi a bolela fa go tlaa nna le seemo sa tshoganetso mo lefatsheng leno, ele tsela nngwe ya go lwantsha COVID-19.
education
4
Badiredi ba kopiwa go ikgolaganya le morafe
Modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi o kopile badirelapuso ba ba direlang kwa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng go tsibogela go isa ditirelo gangwe le gape kwa setshabeng. Fa a bua mo bokopanong le badirelapuso ba maphata a a farologanyeng kwa motseng oo bosheng ,Rre Batlhophi a re go lemosega fa batho ba metse e e kgakala le ditlamelo ba saletse morago mo go inaakanyeng le mananeo ka ntlha ya go tlhaela kitso ka mananeo a puso e a ntshitseng a go ba namola mo lehumeng. A re ka jalo go botlhokwa thata gore badirelapuso ba e leng bone baanamisi ba mananeo ba ikgolaganye le morafe gagwe ka go rulaganya malatsi a tshwana le go isa ditlamelo kwa setshabeng le go rulaganyetsa bagwebi ba ba thusitsweng ka mananeo a tshwana le la nyeletso lehuma letsatsi la mmaraka go rotloetsa dikgwebo tse dipotlana. O tlhalositse fa go le botlhokwa thata gore morafe o nne le kitso le gone go tlhaloganya ka dithuso tse puso e di tlhamileng go thusa Batswana,mme a kaya fa seo se ka kgonagala fela fa badirelapuso ba ka etela morafe mo dikgotleng go ba tlhatlhelela. Modulasetilo wa khansele o ne gape a kopa ba ofisi ya boipelego go lekola morafe kgapetsakgapetsa fa ba sena go ba abelwa dithuso tse di farologanyeng go ba fa dikgakololo le go ba tswa thuso fa ba aperwe ke dikgwetlho mo go tsamaiseng dikgwebo tseo. A re fa go na le tshwaragano magareng ga baeteledipele ba metse e e farologanyeng, badirelapuso, mapolotiki le setshaba ka kakaretso maiteko a puso a go nyeletsa lehuma mo lefatsheng leno a ka tswa maduo a a nametsang. O ne a tswelela ka go supa fa go sa thuse sepe gore ka nako tsotlhe mapolotiki le badirelapuso ba supasupane ka menwana mme ba kopanye ditlhogo go tswa ka maano a a ka fedisang dikgwetlho tse di lebaneng setshaba sa lefatshe leno.Fa ba mo kgwa dikgaba, badiri ba maphata a a farologanyeng ba ne ba dumalana le modulasetilo fa bontsi go lebega bo santse bo tlhokana le thuto e e tseneletseng ka mananeo a a leng teng a puso a a itebagantseng le go tokafatsa matshelo a bone. Rraboipelego yo mogolwane kwa Takatokwane, Rre Gerald Mahumba o supile fa ba tla leka ka bojotlhe go rulaganya malatsi a tshwana le la mmaraka,go isa ditlamelo kwa setshabeng le go tshwara diphuthego tsa kgotla go leka go amogana le setshaba thuto ka ditlamelo le dithuso tse ba ka di fitlhelang mo diofising tsa bone. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya didirisiwa ka ba kgona go nna sebaka ba sena metsi,motlakase mo diofising tsa bone dilo tse a supang fa e le sekgoreletsi mo go iseng ditlamelo kwa morafeng bonolo.
politics
7
Komiti e akgolelwa mowa o montle
Komiti ya ditlhabololo tsa Thabala mo kgaolong ya Legare e akgoletswe mowa o montle wa kgatelo pele go tsisa ditlhabololo mo motseng wa bone. Kakgolo eo e dirilwe jalo ke Kgosi Abel Kgaboyarona wa motes oo mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng. A re komiti eo e gatetse pele mo go lereng ditlhabololo tsa motse, ka jaana e weditse kago ya leobo la kgotla, le le emetseng go bulwa semmuso kgwedi eno e le masome a mabedi le boferabobedi. O tlhalositse fa komiti e ne e aga leobo le ka mowa wa boithaopo le boipelego ba tshwaragane jalo le morafe selo se a rileng se a eletsega mo setshabeng. Ka jalo kgosi a re mowa o wa boipelego ke o ba tshwanetsweng ke go o akgolelwa ka jaana e le sesupo sa fa ba lemoga fa puso e ka se nne e ba tswa thuso mo sengweng le sengweng ka jaana e santse e lebanwe ke kgwetlho e tona ya letlhoko la madi. A re gape tiro e ke sekao mo Batswaneng gore fela fa mowa wa tshwaragano le popagano o rena mo go bone ga go pale sepe gore ba ka itirela ditlhabololo tsa metse ya bone. O tladitse ka gore go nna le maikemisetso a go isa pele motse mo ditlhabololong ke konokono ya katlego. Kgosi o tsweletse a tlhalosa fa leobo le le tlaa ba thusa go tshwara diphuthego tsa motse mo go lone ba sa kgorelediwe ke sepe. O boletse fa e ne e re go le diemo tse di sa iketlang tsa bosa jaaka go le dipula ba kgoreletsege go tshwara ditiro tsa kgotla di akaretsa diphuthego le meletlo ya kgotla mme jaanong se e tlaa nna selo sa maloba. A re komiti eo e tshela mowa wa boipelego thata ka jaana e dirile go le gontsi ka go itshimolela kgwebo ya go foroma ditena e di rekisetsa batho. O ne a tswelela a re selo se ke leano le le molemo ka le na le letseno le le nametsang la dipoelo mme seo se ba thuse go tlhabolola motse ga mmogo le go bulela banni ba motse diphatlha tsa mebereko. A re gore go foromiwe ditena tseo le go di nosetsa go thapiwa bangwe ka jalo ba bone lemme mme le ba thuse go oba letsogo. Kgosi Kgaboyarona o ne a kgothatsa komiti eo gore jaaka e le tshwanelo ya bone go bona gore motse wa bone o a tlhabologa ba tswelele ba tshware fela jalo a tlhalosa fa leina le lentle le itirelwa. E re dikgang di eme jalo kgosi o bile a kgothatsa dikomiti tse dingwe tsa motse go tsaya malebela a re dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe.
politics
7
Kgosi o lela ka tiriso ya dino
Kgosi wa kgotla ya Metsiaela mo Letlhakane, Rre Alfred Petelelo o lela ka tiriso ya bojalwa e e kwa godimo mo kgotleng e. Kgosi o buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Boteti botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe bosheng. Kgosi a re seemo sa tiriso botlhatswa ya dino se baka dintwa tse fa gongwe di felelang ka dipolao, a tlhalosa gape gore go na le banana ba e a reng ba sena go dirisa ditagi ba bo ba ipopa digongwana ba tlhasela batho. Kgosi Petelelo a re o kopa gore go sekasekwe kgang e ya dino ka gore e senyetsa bana matshelo mme e le bone babusi ba kamoso. Mo kgannyeng e nngwe, kgosi o ne a supa gore batho ba Makolwane ba hudugetse mo kgotleng ya gagwe, a tlhalosa gore ba tlhoka go fiwa boroko. Kgosi o ne gape a supa fa metobetso e e dirisang ditshitswana e eswa ka bonako go bo go tsaya lobaka gore e baakanngwe a re gape e ja madi a mantsi. Banni ba ba fudusitsweng kwa Makolwane ba ne ba lela sa bohutsana ba tlhalosa gore ga ba tshele sentle ka gore banni bangwe ba a ba kgokgontsha ba re ga ba batlege mo Metsiaela, gape ba ne ba lela ka go re sekole se bana ba bone ba tsenang kwa go sone se kgakala, ba re mariga bana ba patelesega go emelela go santse go le lefifi, seemo se ba reng se ba baya mo diphatseng tsa go tlhaselwa ke dithubetsi. Ba ne gape ba ngongorega gore ba ne ba ntse ba phakisiwa dipeo le ntswa ba sena ditlankana tsa masimo mme jaanong go emisitswe. Ba botsa gore ke eng ba sa bewe mo ditshingwaneng tse ba ntseng ba lema mo go tsone. Mongwe wa banni ba kgotla eo, Rre Banyatsi Saluto a re ba batla go kopana le ba kabo ditsha, a supa gore peo ya batho ba ba neng ba hudusiwa kwa Makolwane ga e a dirwa sentle. A re ba beilwe mo ditsheng tsa bomaipafela fa bangwe ba beilwe mo lebale la metshameko. Rre Baratamang Abue a re ba na le dingwaga ba lela ka peo ya masimo le didiba go se thuso e ba e bonang. A re ba batla go lema le go nosa leruo ka di-tsa bone. Rre Manglo Maboatseleng o ne a botsa gore madi a ma 10million a kae ka ba ne ba solofetse gore ba tlaa direlwa mapagamelo a dibese. Rre Maboatseleng o ne gape a re ba kopa gore ba okelediwe dipompo, a tlatsa ka go re ga ba a phakisiwa dipeo go twe ke bo maipaafela. E rile a araba matshwenyego a bone mokhanselara wa kgaolo ya Metsiaela, Rre Boitshwarelo Mopedi a re o kopile gore go dirwe sekole se sebotlana mo kgotleng ya bone. Rre Mopedi a re ka kgang ya ditsha, o kopile ba kabo ditsha gore ba bontshe banni ba Metsiaela ditsha ba sa lopiwe madi, a tlatsa ka go re ga go na yo beilweng setsha mo go sa yo mongwe. E rile a ba kgwa dikgaba, mopalamente Rre Lelatisitswe a re sekole se teng se bana ba tsenang mo go sone e bile se sekgala se se lekanetseng. Mopalamente o ne a ba lekodisa ka tse di builweng kwa palamenteng e e fitileng le ditlhabololo tse di tsweletseng mo kgaolong. BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
'Tsengng diphuthego tsa kgotla'
Banni ba Sebina ba kopilwe go tsene diphuthego tsa kgotla ka dipalo tse di kwa godimo gore ba kgone go itse se se diragalang mo motseng wa bone le go itseela melaetsa ka tsoo pedi. Moruti Godfrey Muzila yo e leng moanamisa mafoko a lekgotla la baruti o buile jalo bosheng mo phuthegong e maikaelelo a yone e neng e le go itsise banni ka modiro wa go neela batho dikwalo tsa Genesis le Lefitiko tse di ranoletsweng kwa temeng ya Sekalaka. Rre Muzila o ne a tlhalosa fa kgotla e le gone kwa batho ba ka utlwang melaetsa teng, a tlatsa ka gore go sa tseneng diphuthego motho o a bo a ithontsha ditshwanelo tsa go itse se se diragalang mo motseng wa gagwe. Moruti o ne a tlhalosetsa banni fa lekgotla la Baebele la Botswana le tshwaragane le ba lekgotla la baruti ba tlaa dira modiro wa go neela batho dikwalo tseo ka kgwedi ya Phatwe kwa sekoleng sa McConnell mo Tutume mme batho ba kopiwa go thusa ka sengwe le sengwe se ba nang naso gore modiro o atlege. A re kereke nngwe le nngwe e tlaa lopiwa madi a P500 go thusa go baakanyetsa modiro o. O kopile baeteledipele go thusa ka madi mangwe le mangwe a ba ka a kgonang. Moruti o kopile batho go itsosa gore ba seka ba salela kwa morago, a tlatsa ka gore metse e mengwe e kgonne go iponatsa mo diphuthegong e bile ba itlamele go thusa lekgotla la baruti go supa fa ba itumeletse Baebele ya bone. O ne a kopa basha go etelela pele modiro gore le bone ba itshupe fa ba na le lerato mo tirong eo. A re o solofela fa go tlaa nna le tirisano mmogo e e lolameng fa gare ga banni le ba lekgotla la baruti, a supa fa go ranolwa go tlaa fa banni sebaka sa go bala Baebele. BOKHUTLO
religion_and_belief
8
Modulasetilo o lela ka maphata
Modulasetilo wa lekgotla la batshwara ditlhapi kwa Sehithwa mo kgaolong ya Ngami, Rre Loago Mokunki, a re o tshwenngwa ke maphata mangwe a a gogang dinao go diragatsa molao. O buile jalo kwa bokopanong jwa bana-le seabe, jo bo neng bo biditswe ke ba komiti ya twantsho borukutlhi bosheng. Kgang e ne e le go amogana maele ka borukutlhi jo bo diragalang kwa nokeng ya Lake Ngami. A re e setse e le ngwaga wa bone maphata a ntse a opela pina ya go tsibosa batshwara ditlhapi ka matshwenyego a a diragalang mme a supa fa seo se sa ba jese diwelang ka jaana go sena pharologano. A re sebe sa phiri ke gore bagolwane ba maphata ba bua puo fela mme ba sa diragatse molao mme a supa fa seo ele matsapa fela ka se sa rarabolole bothata. Rre Mokunki o kopile maphata go tsenya marapo dinameng le gone go gagamatsa setoropo. A re fa molao o ka diragadiwa, dilo di ka apara tshiamo mme le tiro ya go tshwara ditlhapi e gole. A re dikgang tsa go leswefatsa tikologo di tswa kgakala mme seemo ga se fetoge ka ba ba maleba le bone ba lebile fela, a tlatsa ka gore mo dikampeng tse dingwe tsa ditlhapi go tletse batswakwa ba ba senang diteseletso mme ga ba bone ope a tseelwa kgato. Bangwe ba batsena phuthego ba ne ba gatelela mafoko a gagwe ba re se se diragalang kwa nokeng se ngomola pelo. Ba re bangwe ba dira botsotsi ka ba sa duele babereki ba bone fa bangwe ba tseelana bodiredi le gone go utswela ba bangwe ditlhapi. Rre Lwamong Pulamore ene o ne a kopa bahiri go emisa go duela babereki ba bone ka ditlhapi ka jaana di sa dire pharologanyo mo matshelong a bone. O ne a supa matshwenyego ka batho bangwe ba ba tsweletseng ka go tshwara ditlhapi le ntswa letsomo la ditlhapi le tswaletswe. A re go le gantsi ba fitlhela mekoro le matloa a mantsi mo nokeng. Mogolwane go tswa kwa ofising ya pereko, Mme Lorato Letsholo, o ne a tlhalosa fa ba lemogile gore diteseletso ka bontsi di neelwa benggae mme fa ba tsena mo bathong go kanoka seemo ka dinako tsa bone, ba di fitlhetse mo batshabing. A re go lebega batshabi le batswakwa ba gweba ka diteseletso tsa Batswana, a supa fa seo se le kgatlhanong le molao. Mme Letsholo a re maiteko a bone a go laola seemo a itaya sefololetse ka jaana fa ba tshwara batho ba go nna jalo ba latola fa ba itse beng ba diteseletso mme seo se ba paledise go ka ba tsaya ka motlhala. A re o ipotsa gore ke eng bengage ba thapa batswakwa le ntswa go tshwara ditlhapi go sa batle botsipa bope jo bo kalo, mme a wela ka gore ba dira jalo ka ba sa batle go ba duela madi a a lekaneng. O supile fa diteseletso dingwe di tshegeditswe ke mapodise a tlatsa ka gore batshabi bangwe ba ne ba bosediwa magaeng a bone. Mogolwane wa ofisi ya dipasa le mesepele, Mme Lindiwe Ngwenya, ene o ne a kopa tirisanyo mmogo e e tsepameng fa gare ga batshwari ba ditlhapi le maphata a a maleba, gore ba kgone go fenya dikgwetlho tse di teng. A re bone fa ba tshwara motshabi kana motswakwa ba atlhola le ene mohiri tota. Modualsetilo wa komiti ya twantsho borukutlhi, Kgosi Kungairi Nguvauva, o tlhalositse fa maikaelelo a bokopano e le go abelana maele a a ka thusang go lwantsha borukutlhi le gone go batla methale e ka yone ba ka somarelang Lake Ngami ka yone ka jaana e sologela banni molemo.Bokhutlo
society
9
Ba Tati Bophirima ga ba batle dikgaolwana di fokodiwa
Banni ba kgaolo ya botlhophi ya Tati Bophirima, ba kopa gore thulaganyo ya makhanselara a a itlhophelwang e emisiwe kwa kgaolong ya bone mme ba okelediwe palo ya dikgaolwana. Ba re ga ba dumalane le gore dikgaolwana tsa bone di fokodiwe go nna boferabongwe. Baagi ba buile seo mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di tshwerwe ke komiti e e phuthang megopolo ka kgaoganyo melolwane ya dikgaolwana tsa botlhophi tsa bokhanselara. Komiti eo e ne ya wetsa mosepele wa yone kgwedi eno e le lesome ka go tshwara diphuthego tsa kgotla kwa dikgaolwaneng tsa Kalakamati, Makaleng le Gulubane, mme e lebanwe ke kgwetlho ya go kgaoganya dikgaolwana tse disha. Baagi ba dikgaolwana tseo fela jaaka ba dikgaolwana tse dingwe, ba ne ba kopa gore kgaolo ya bone e tlogelwe e na le dikgaolwana tse di lesome jaaka e ne e ntse. Kwa Makaleng le Gulubane, baagi ba ne ba tlhalosa fa ba eletsa dikgaolwana tsa bone di ka tlogelwa jaaka di ntse, fa ba lebile tirisano ya metse e e bopang dikgaolwana tsa bone. Banni ba kgaolwana ya Gulubane ba ne ba kopa gore kgaolwana ya bone e kgaoganngwe gabedi ka e le bophara e bile e bopilwe ka metse e le mene, ba bo ba kopa gape gore go okediwe matlhophelo kwa motseng wa Gulubane go fokotsa mosuke le go fokoletsa bagolo mosepele wa go ya kwa sekoleng se sebotlana sa motse. Ba tsweletse ba ngongorega ka dipalo tsa palo batho e e sa tswang go dirwa, ba re ga e a dirwa sentle ka dipalo di sa tsamaelane le palo ya batho ba ba mo metseng ya bone. Modulasetilo wa komiti eo, Rre Salini Bafaneli, o ne a tlhalosetsa morafe fa mo kgaolong eo, seelo se mokhanselara a tshwanetseng go emela batho e le 3 172, a re mme go ka diragala gore dikgaolwana tse dingwe di nne le palo e fa godingwana kgotsa e e kwa tlasenyana go lebilwe mabaka a a farologaneng. Komiti e ne ya tshepisa fa e tlaa fetisetsa megopolo ya baagi kwa go ba ba lebaneng.
politics
7
Tshenyetso setshaba e ka ama ESP
Badirelapuso ga ba a tshwanela go amega mo ditirong tsa tshenyetso setshaba gore lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le tswe maduo. Fa a bua mo phuthegong ya badirelapuso e e neng e buisiwa ke mokwaledi mogolo wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi, kwa Palapye ka Labotlhano, mookamela lephata la twantsho tshenyetso setshaba, Mme Rose Seretse, o ne a tlhalosa fa lefatshe leno e le la Motswana mongwe le mongwe ka jalo ba tshwanelwa ke go ema ka dinao gore tshenyetso setshaba e seka ya digela lefatshe ka lemena. A re tshenyetso setshaba e ka ama lenaneo la ESP mme madi a a neng a ntshitswe go tsamaisa ditiro tsa lenaneo le a ka tloga a tsena ka dipata tsa batho ba ba palo potlana. A re go botlhokwa gore badirelapuso ba nne podi matseba fa ba aba ditiro tsa lenaneo le, a re ba seka ba nna fela mo diofising mme ba tswele kwa ntle go bona gore a dikhamphani tse di filweng tiro di teng ka boammaaruri le gore a di dira tiro. A re mo gongwe dikhamphani tsa Batswana di fiwa ditiro mme tiro yone e dirwa ke dikhamphani tsa batswakwa. A re selo se ga se letlelesege mme ke dingwe tse di ka diragalang fa badirelapuso ba sa tlhole ditiro tse di abilweng. Mme Seretse a re badirelapuso ba nne podi matseba fa ba kopa dkhamphani go ba rekisetsa didirisiwa ka gore dingwe di rekisa dithoto ka madi a mantsi fela ka gobo di rekisetsa puso. A re ba simolole go tsenya selo se leitlho le go bona gore dithoto tse di tsisiwang ke tsa boleng jo bo ko godimo. A re badirelapuso ba tlogele mowa wa go fiwa dimpho, a re go phophothiwa legetla go le nosi go lekane. Fa a tswa la gagwe, Rre Morupisi a re ESP ke boikarabelo jwa modirelapuso mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore o berekela fa kae. A re mongwe le mongwe fa a direlang teng o tshwanetse go bereka ka botswapelo go isa lefatshe kwa mankalengkaleng. A re ESP e ka kgonega fa badirelapuso botlhe ba na le maikaelelo a le mangwe fela, a re ke sone se a tsweletseng ka go buisa diphuthego tsa badirelapuso tse di itebagantseng le lenaneo la ESP. A re itsholelo ya lefatshe leno e e ntseng e ikaegile ka thekiso ya diteemane e ile ya amiwa ke kwelotlase ya itsholelo ka 2008 ka jalo puso e tsile ka lenaneo la ESP go tsosolosa itsholelo. A re ESP e itebagantse le mehama ya dikago, ditsela, tsa bojanala le temo thuo. A re mo mohameng wa temo-thuo, go na le lefelo la Dikabeya la temo ya nosetso le Batswana ba ka ithutang kwa go lone go lema merogo le tse dingwe go itlhamela mebereko. A re tiro ya bodirelapuso ke go leka ka ditsela tsotlhe go bona gore dijo tse di ntshiwang kwa Dikabeya di thusa go jesa lefatshe leno. A re madi a a dirisiwang go reka dijo kwa ntle ga lefatshe leno a mantsi fela thata ka jalo fa lefatshe leno le itirela dijo go ka fokotsa go reka dijo ko ntle. Rre Morupisi a re Palapye ke lefelo le go dirwang ditiro tsa diatla ka mokawana ka jalo madirelo a tshwana le a Makoro a a dirang ditanka tsa metsi ga mmogo le madirelo a a dirang diphaephe tsa tshipi a botlhokwa. O tlhalositse gape ka madirelo a a ko Selebi Phikwe a a dirang dijo tse di tswang mo dijong tse di sa tswang go robiwa. A re madirelo a a ka tswela kgaolo ya Tswapong mosola ka e na le balemi ba bantsi, a re se se batlegang ke gore temo-thuo e nsthe maduo.
economy_business_and_finance
3
Puso e tlaa tlhoma dibeisane tse di tlhapelang diatla kwa dikoleng
lick to see more pictures Mothusa Tona mo Lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse a re lephata le bone go tshwanela gore ka letsatsi le dikole di bulwang ka lone, sekole sengwe le sengwe se nne le ditlamelo tse di rileng, tse di netefatsang bophepa. A re ka jalo, ba tlaa dira thulaganyo ya gore go nne le dibeisane gore bana ba kgone go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa jaaka melawana ya twantsho bolwetse jwa COVID-19 e tlama. A re dibeisane tseo, di tlaa bewa mo mafelong ka go farologana go itsa go kgobokana ga bana. Go sa le foo, a re lephata le itse gore go na le metsana e e nang le tlhaelo ya metsi, mme a tlatsa ka gore metsana eo e tla a isediwa metsi ka dikoloi. Rre Autlwetse a re Batswana ba filwe ditiro tse, se e le go leka go ba thusa gore le bone ba imatswe. A re dibeisane le tsone di tlaa tsenngwa ke Batswana. O ne a tlatsa ka go re tiro e, e tsweletse pele e bile e a kgotsofatsa. Mothusa tona a re ba solofetse gore fa Motsheganong a fela, dibeisane tse di be di feditswe e bile di le mo tirisong. O tlhalosa fa tsotlhe tse di boletsweng ke ba Lephata la Botsogo di shwana le didibolaya megare le melora le pampitshana e e dirisiwang kwa ntlwaneng di tlaa nna teng kwa dikoleng. A re lephata la botsogo le tlaa rutuntsha botlhe ba ba tlaa lebelelang gore melawana e a diragadiwa, e tshwana le go tsaya megote le tiriso ya dibolaya megare. Tona Autlwetse a re baphepafatsi ba matlwana a boithomelo ba tlaa okediwa kwa dikoleng, ka a tshwanetse go phepafadiwa kgapetsakgapetsa. Go ntse go na le baphepafatsi ba le 1 269 mo dikoleng tsotlhe, mme ba tlaa okediwa go nna 2 265. O boletse fa puso e ntshitse P93million go oketsa madi a a neng a abetswe dikhansele go dirisiwa mo ditrong tsa letsatsi le letsatsi. Rre Autlwetse a re marekisetso le one go tlaa tlhomamisiwa gore a nna le tse di tlhokegang di tshwana le dibolaya megare. A re kwa mapagamelong a dibese, go tshwanetse ga dirwa tsotlhe tse di tlhokegang go tlhomamisa gore Batswana ba sireletsegile fa go simololwa go repisiwa melao.
health
6