title
stringlengths
1
82
text
stringlengths
565
8.03k
orig_label
stringclasses
10 values
label
int64
0
9
Leshomo ke kgosi kwa Malokaganyane
Kgosi Joseph Leshomo wa Malokaganyane o lebogile magosi le botsadi jo bo neng bo eme nokeng peo ya gagwe ya go nna kgosana ya Malokaganyane. Kgosi Leshomo o tlhalositse fa a itse gore bogosi ke maemo a a nang le tiro e e seng motlhofo, mme a solofetsa morafe gore o tlaa tshwaragana le bagolo ba motse le morafe go tsisa ditlhabololo. O buile jaana fa a ne a bewa kgosana bosheng, mme o tlhalositse fa a itse gore go na le diteko tse di ntsi, mme o ikemiseditse go dira ka natla go itebaganya le tsone. Kgosi Leshomo o supile fa Malokaganyane a santse a le kwa morago ka ditlhabololo, ka jalo o ikaelela go di kgarametsa, segolo jang sekole se sebotlana. A re bana ba tsena dikole tse dipotlana kgakala kwa Dinatshana, Pitsane le Photlhokwe. E rile a bua mo potsolotsong le Le fa go ntse jalo, Kgosi a re ga a jesiwe diwelang ke banana ba ba gogang dinao go tsaya mananeo a puso. O papamaditse fa tlhabologo ya motse e retela ka ntata ya gore banana ba ikganelela kwa ditoropong, mme e le bone ba ka thusang go tlhabolola metse. O supile fa ba leka go ngoka banana le go ba tsaya tsia ka go dira metshameko mo motseng. Kgosi Leshomo o itlamile gore o tlaa dirisanya le kgosana Goitsemodimo Sedietso yo a ntseng a mo tshwareletse setilo, mme a supa fa a tlaa tsaya dikgakololo mo go ene. E rile a ntsha dikgakololo tsa gagwe, Motshwarelela bogosi jwa Barolong, Kgosi Botiki Motshegare o ne a akgola Kgosi Sedietso go bo a ne a tshwareletse Kgosi Leshomo setilo ka bonatla, gape go rena kagiso. O sedimoseditse Kgosi Leshomo gore go busa morafe wa segompieno go tla ka diteko tse di farologanyeng, jaaka go latlhegelwa ke ngwao le tiriso ya bojalwa. O kgadile kapei ya majalwa mo malwapeng ka jaana e le nngwe ya mathata a a mo motseng wa Malokaganyane le metse e mengwe mo kgaolong ya Morolong. O gakolotse ka botlhokwa jwa go ikitse le go itse botsadi le bogosi. “Kgosi e nna ngwana wa ntlha wa kgosi e seng bomonnawe, borangwane ba tshwarelela fela fa ngwana wa kgosi a le monnye,” a tlhalosa. Kgosi Motshegare o gateletse gore ngwao ke selo se se botlhokwa, ka e fa motho ditso, kitso le motlhala wa kwa a tswang teng. A re bogosi ke jone botshegetsi le botsweledisi jwa ngwao, mme o gakolotse morafe go nna podi-matseba ka gore ngwao e kgona go tlhabologa, bogolo jang ka gore merafe e a kopakopana. E rile a kgothatsa, Kgosi Spokes Gaborone go tswa Tlokweng a kopa Kgosi Leshomo go dirisanya le maphata otlhe a puso le mekgatlho jaaka VDC, banana le magosi a mangwe. O kopile Kgosi go gakolola banana ka bodiphatsa jwa go rekisa ditsha.
society
9
Bana ba Tshegetsang ba a iteka
Go bolelwa fa dikgang tsa botlhoka tsebe kwa sekoleng se segolwane sa Tshegetsang kwa Molepolole di ile tlase fela thata. Se se boletswe ke mogokgo wa sekole seo Mme Marina Ramotshabi mo potsolosong bosheng. Mme Ramotshabi a re mo nakong e e fetileng, ba ne ba nna le dikgang tsa botlhoka tsebe di le dintsi. A re mo setlheng se se fetileng, ba ne ba koba ngwana mongwe mo sekoleng morago ga go lemoga fa e le ene tshoso-e-rweleng mo go gakatseng botlhoka tsebe mo sekoleng. O ne a tlhalosa fa moithuti yoo, e ne e le mongwe wa baithuti ba ba tsileng sekoleng ka lenaneo la go boela sekoleng la Back to School. O ne a tlhalosa gore baithuti ka bontsi ba ba neng ba le mo segongwaneng seo sa botlhoka tsebe ba ne ba itharabologelwa mme e bile segongwana seo sa thubega. Mme Ramotshabi o ne a tlhalosa fa a itumelela tirisano ya batsadi le sekole ka dikgang tsa botlhoka tsebe, a tlhalosa fa batsadi ba tsibogela taletso ya diphuthego tsa sekole. O ne a tlhalosa gore tshwaragano ya motsadi le morutabana e botlhokwa fela thata mo go ageng moithuti. A re motsadi yo o kgathalang ka thuto ya ngwana wa gagwe o supa maikarabelo a magolo le go supa kgatlhego mo go ageng isago ya ngwana e e botoka. O ne a tlhalosa fa a itumelela mogopolo o o tsileng ka Kgosi Kgari III wa go abela dikole tsotlhe tsa Molepolole dikgosana go dira le tsone. O ne a tlhalosa fa dikgosana tse, di tlaa bo di thusa mo go otlhaeng bana ba ba tlhokang tsebe mo dikoleng. Ba tlaa bo ba tsaya karolo mo go rotloetseng batsadi go tsena diphuthego tsa dikole le go thusana le megokgo go tla ka maano a go tokafatsa dikole.
education
4
E a re go tlogelwa tsatsing…
lick to see more pictures Fa motho wa maloba a ne a re ‘e a re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting,’ o ka re o ne a kile a kopana le Mme Eldah Mogologolo kana a bonetse botshelo jwa gagwe kwa pele. Ntswa bangwe ba na le go ineela mo diemong, Mme Mogologolo ga se bao, ka a ne a seka a itlhoboga a sena go senyegelwa ke sekole ka boimana a dira mophato wa bone kwa Lotsane. Ka go lemoga fa ngwana a ne a le mo tseleng, monana yo o ne a tshwanelwa ke go loga maano a mangwe a botshelo. Fa keletso ya go ka tsweledisa dithuto e retela, ka batsadi ba ne ba santse ba kgopisegile, a itoma molomo wa tlase gore batsadi ba nne motlotlo ka ene mo isagong. Ka go twe fa go nang le maikaelelelo go na le phenyo, seo ke botshelo jwa ga Mme Mogologolo. Fa o tsena ka motsana wa Mosolotshane mo kgaolong ya Shoshong o kopantshiwa ke lebentlele le le mmala o o lephutshe le le bidiwang Tandabala. Mo potsolosong le BOPA, Mme Mogologolo wa dingwaga tse di masome mararo le boferabobedi, o tlhalositse fa e ne e le ngwana yo o ratang dithuto e bile a dira sentle. Go tswa kwa sekoleng se sebotlana o ne a fenya ka maduo a bobedi go fitlhelela a ya kwa Lotsane a ntse a fenya ka B, selo se se neng sa dira gore le batsadi ba gagwe ba nne le tshepho ya gore ngwana wa bone o tsile go ya kgakala mo botshelong. Tse tsotlhe tsa phirima fa a ima ka a ne a tshwanelwa ke go nna kwa lapeng, go fitlhelela a thapiwa mo lenaneong la Ipelegeng ka 2000 e le yone fela tiro e a ka e dirang. Le ntswa go twe lemme ga le bolae, se se ne se sa mo kgotsofatse ka e se tiro ya sennela ruri, bogolo jang ka jaanong a ne a setse a na le ngwana wa bobedi. “Ke ne ke sa batle go nna fela ka diatla ntswa ke na le bana, ka bona gore ke eme ka dinao go jesa bongwanake,” a tlhalosa. E rile a fetsa sebaka sa gagwe a simolola go apaya mangwinya a a rekisetsa fa thoko ga tsela. O simolotse ka bopi jwa 5kg mme kgwebo ya gagwe ya gola e bile a itsege Mosolotshane otlhe gore ke Mmamangwinya. Ka 2007 o ne a abelwa setsha sa kgwebo, selo se se neng sa mo tiisa moko, ya re ka 2012 a se aga ka dipolokelo tsa kgwebo ya mangwinya, maungo le merogo. Ya re a le dingwaga di le masome a mararo le bone, ka ngwaga wa 2013 a kopa dithuso ka lenaneo la madi la banana mme kopo ya gagwe ya atlega a thusiwa ka madi a a kanang ka P72 000. Ka a ne a setse a na le dikago tsa benkele ba lephata la banana ba mo thusa go reka setoko le setsidifatsi go ka simolola kgwebo ka 2013 o ya bokutlong. Ka Modimo o sa latlhe ope, le ka go nna a ipolokela madi, lebenkele la gola la tswa kwa go bidiweng fela go twe Tandabala jaanong ya nna kompone e e bidiwang Tandabala Investment. Mme Mogologolo o na le ditoro ka kgwebo ya gagwe, keletso ya gagwe e le go dira go le gontsi mo setsheng sa gagwe jaaka marekisetso a nama gammogo le go ka dira tse dingwe dikgwebo. Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa go se motlhofo ka a kopana le dikgwetlho ka go farologana, a tlhalosa gore e rile ka 2014 kgwedi ya Phukwi, lebenkele la thubiwa mme ga utswiwa dilwana tse di lopang P23 000. Ka a ne a ikaeletse go le gontsi ka kgwebo e ya gagwe, a seka a ipona tsapa, a tsaya madi a a neng a ntse a a bolokela go gokela motlakase le go fokotsa sekoloto kwa lephateng la banana go reka setoko kgwebo ya tswelela. Morago ga kgwedi tse nne morago ga tiragalo e e maswe eo, lebenkele la thubiwa gape mme ga utswiwa dilwana tsa madi a P6 500. “Tse tsotlhe tsa seka tsa nkgoba marapo, ka tota maikaelelo ame e le go fenya dikgwetlho tse ke kopanang le tsone ntswa bangwe bone ba mpusetsa kwa morago.” Mme Mogologolo a re mo ditiragalong tshotlhe ka bobedi babelaelwa ba ne ba tshwarwa, mme a tswelela a rekisa, le ntswa a ne a seka a busediwa dilwana ka di ne tsa gapilwe ke mapodisi go ka nna bosupi ka nako ya tsheko. Ka a ne a ikaeletse go gokela motlakase, a tswelela a boloka a bo a kgona go duela bontlha bongwe jwa motlakase o mo bogompienong o tseneng. O tlhalositse gore e rile ngogola a oketsa kago ya lebenkele a bo a o gokela motlakase wa Phase 3 o o tsenngwang mo dikgwebong. A re go tlhoka motshine o, go mo utlwisa botlhoko ka le ene a ne a ka kgona go rekisetsa ba ba dirisang dikarata tseo ka e bile ba le bantsi mo kgaolong. Mme Mogologolo o tlhalositse fa kgwebo e batla motho yo o pelotelele, e bile a sa tsene mo kgwebong ka go batla madi ka kgwebo e ka se tswelele. A re dikgwebo bogolo jang tsa banana di felela di phutlhama ka bangwe ba sena lorato lwa kgwebo, a tlatsa ka go re fa o le mo kgwebong o tshwanetse le wena wa ikamogedisa, wa nna le dibuka go baya direkote. O gakolotse banana ba ba mo dikgwebong go ithuta go boloka bonnyennyane bongwe le bongwe jo ba bo bonang. A re e ne o itse go le gontsi ka kgwebo le ntswa a ise a ye dithutong dipe tsa kgwebo, ka jalo a kopa banana ba bangwe ba ba eletsang go ka tsena mo dikgwebong go ka tla kwa go ene go tla go tsaya maele le dikgakololo. Mme Mogologol, o rotloetsa banana go tsaya mananeo a puso ka tlhoafalo go tokafatsa matshelo le go tlhabolola metse ya bone. O ne a tlhalosa gape gore gantsi o bidiwa kwa sekoleng se sebotlana sa motse go tla go kgothatsa baithuti gore botshelo bo matswakabele, e bile tikologo kgotsa dikgwetlho tse motho a kopanang le tsone mo botshelong di ka se eme ope fa pele fa a na le maikaelelo a go ka tokafatsa botshelo jwa gagwe. Mme Mogologolo o leboga go menagane bogogi le banni ba motse wa gagabo ka ba nna ba mo eme nokeng. Bokhutlo
economy_business_and_finance
3
Kalafi le nnotagi ga di tsamaisane
Molomaganyi wa botsogo jwa tlhaloganyo (mental health coordinator) mo Sekgoma Mme Malebogo Motsokono o buile a sa kgwe mathe fa kalafi le nnotagi ele dilo tse pedi tse di sa tsamaisang. A re gole gantsi gona le balwetse bangwe ba ba tsayang dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV le tsa kalafi ya kgotholo e tona ba na le mokgwa wa go kopanya go tsaya kalafi e kafa gape ba itepatepantse le go nwa dino ba goga le ditagi, mme a re go dira jaana gole diphatsa fela thata mo botsogong ja bone ebile go nyafatsa kafa kalafi e tshwanetseng go bereka ka teng. Mme Motsokono o buile mafoko a, kwa pitsong ya Botsogo e e neng e rulagantswe ke ba Serowe District Health Management Team kwa motseng wa Sehunou bosheng. Mme Motsokono o gakolotse banni ba Sehunou ha kalafi le nnotagi di sa tsamaisane gothele ka jalo a re ba ba dirang jalo ba emise mokgwa oo.A re molwetse o kopanyang kalafi le nnotagi botsogo ja gagwe bosekitla bo tokafala ka nnotagi e kgoreletsa gore kalafi e bereke sentle mo molwetseng. O tsweletse gape a tlhalosa fa bontsi ja nako balwetse ba ba kopanyang kalafi le nnotagi ba tshabelelwa ke go e togela/kgaosetsa mo tseleng, a re se se bakiwa ke gone gore nako yotlhe ba abo ba inakantse le nnotagi ba ikgatlholositse botsogo ja bone. A re go togela kalafi mo tseleng go borai fela thata, mo go kgonang go baka dintsho nako e molwetse a tla a bong a re o boela gape mo kalafing, a re go kgaopetsa kalafi bogolo jang mo balwetseng ba kgotholo e tona go kgona go baka bolwetse jo bongwe ja kgotholo e tona jo bo bidiwang Multi Drug Resistant TB, a re fa molwetse a le mo seemong kalafi e kgona go mo gana gotlhele. Mme Motsokono o kopile balwetse gonna pelotelele mo kalafing ya bone ka a re etaare ko bofelong ba bone maduo a teng a nametsang. Re santse rele foo, Mme Motsokono o kopile banni ba Sehunou go tlhokomela balwala tlhaloganyo, ka a re le bone ke batho hela jaaka botlhe, a re o utusiwa botlhoko ke ditiragalo dingwe tse balwala tlhaloganyo ba dirisiwang botlhaswa, a re go dira jalo ke bosetlhogo ebile go sa supe mowa setho. O ba kopile gofa balwetse ba tlhaloganyo lorato ka nako tsotlhe, ba seka ba itse fa ele batho fela fa ba setse ba batla go ba dirisa botlhaswa. O tsweletse gape a kopa banana ba Sehunou go emisa diritibatsi tse di tshwanang motokwane, ka a re bontsi ja dintwa, dipetelelo le borukuthi di diragala morago ga batho ba sena go goga ditagi ka ba abo ba sa akanye sentle ebile ba sa itse se ba dirang. O weditse ka go kopa batho ba ba ratholang bojalwa ja setso bo akaretsa khadi le mokuru go emisa go tsenya metswako e mengwe gape mo teng ba re ba bo oketsa bogale, a re molao otlaa gagamaletsa bao ba ba fitlhelwang ba tsentse metswako e se la letelelweng mo bojalweng. O kopile batsadi go emisa mokgwa wa go rekisisetsa bana nnotagi, a re o itse fa ba le mo kgwebong mme go dira jalo ke go senyetsa bana bokamoso, ka ele bone bagogi ba kamoso.
health
6
Masukwane o amogela molelo ka boitumelo
Go lebanye gore Batswana ba bo ba tsweletse ka go tshegetsa le go ipelela tshwaragano ya bone. Se se builwe ke mokhanselara wa kgaolwana ya Mosojane, Rre Mbaakanyi Smart, kwa ipelelong molelo wa kgolagano kwa Masukwane ka Labotlhano, kgwedi e tlhola lesome le bongwe. Mokhanselara Smart a re e re ka go tshela mmogo ntle le kubetsano ya mothale ope e le selo se sentle, Batswana ba tshwanetse ba kgaratlhela go bona gore kagiso e e renang e ga e kgoberiwe ke sepe. O ne a supa gore e re le mororo lefatshe leno le na le diphathi tsa sepolotiki di le mmalwa, ga le ise le nne le dikgoberego dipe. A re go tshedisanya mmogo ka kagiso go nnile le seabe mo go tsiseng lefatshe leno fa le leng teng, mme ka jalo go le botlhokwa gore mosepele wa go ya pele o seka wa kgoreletsega ka gope. Rre Smart a re fa Batswana ba ka tswelela ba dibela popagano ya bone, go ka seke go nne le sepe se se emang pele ditoro dipe tsa bone. E ne e rile a akgela, Kgosi Dick Chikuba a lebogela go bo motse wa gagwe o filwe sebaka sa go ipelela popagano ya setshaba ka go amogela molelo wa kgolagano. Kgosi Chikuba o ne a supa fa Batswana ba tlamega go nna motlotlo le go ipela ba sa boife sepe ka ba dirile ka natla go tlhomamisa gore ba nna tshaba e e bopaganeng, e batho ba yone ba ratanang e bile ba tshedisanya ka kagiso. BOKHUTLO
society
9
Koloi e thudile di le nne
Mapodise a Serowe a tlhotlhomisa tiragalo e mo gone go fitlhetsweng dikgomo tse nne di thutswe ke koloi mo tseleng ya Orapa, dikhilomithara di se kae go tswa mo Serowe. Mo potsolosong, mogolwane wa sepodise sa Serowe, Rre Paul Molapisi, o tlhalositse fa e rile makuku a Tshipi ba begelwa fa go diragetse kotsi mo tseleng ya Orapa. Rre Molapisi a re ba fitlhetse koloi ya modiro wa Runx Toyota Corolla e senyegile thata gaufi le dikgomo tseo mme mong wa yone a sa bonale gope gaufi. Mokgweetsi wa koloi eo go bolelwa a ile a itshupa fa pele ga mapodise letsatsi le le latelang e bile a tla ka mokwalo wa ba bongaka. Le fa go ntse jalo, Rre Molapisi o boletse fa ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse le gone go batla beng ba dikgomo tseo. O kopile bakgweetsi bogolo jang ba ba dirisang tsela ya Serowe/Orapa go ela tlhoko thata dikgomo tse gantsi ka dinako tsa leuba di tsamelang ka fa tseleng di batla mafulo. A re lefelo le kotsi e diragaletseng fa go lone, le tshabelelwa ke dikotsi ka go setse go kile ga nna dikotsi di le mmalwa di bakiwa ke leruo.
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Banni ba atla mogopolo
Balete ba supile fa ba atla tshutiso e e ntshitsweng ke mopalamente wa bone, Rre Odirile Motlhale, ya go fa dikgaolo 2% ya madi go tswa mo kabong ya madi a setshaba gore di a itirisetse mo letlhokong la dilo tse puso e sa kgoneng go di ba direla. Ba buile se mo diphuthegong tse mopalamente a neng a di buisa kwa Ramotswa, Mogobane le Otse. Ba kopile gore fa molao wa tiriso ya madi o sena go dirwa le madi a sena go rebolwa, madi a a seka a dirisiwa fela mo metseng e metona, ba supa fa ditlhabololo di bonelwa fela kwa metseng eo. Ba re fa madi a a ka dirisiwa ka tekatekanyo mo metseng, seemo sa metse ka bontsi se ka tokafala. E rile a ba kgwa dikgaba, Mopalamente Motlhale a ba bolelela fa komiti e tla tlhophiwa ke morafe, go tsaya boikarabelo jwa madi a, mme tsholofelo e le gore metse yotlhe e tla nna le baemedi, le bana-le-bogole bone fela jalo. O supile fa mopalamente a tlaabo a e eteletse pele mme a tla netefatsa gore ga go gogelwe kobo ntlheng e le nngwe. Fa ntsha la gagwe, mothusa mogokgo wa sekole se segolwane sa Kagiso kwa Ramotswa, Rre Richard Ojang, a tlhalosa fa ba fokoditse botlhoka tsebe jo bo neng bo diragala mo sekoleng seo. O tlhalositse gape fa e rile mo dingwageng tse di fetileng, sekole se, se ne se aperwe ke botlhoka tsebe jo bontsi, mme se se ne sa dira gore batsadi ba tseye bana ba bone ba ba pasitseng sentle mo dikoleng tse dikgolwane tsa Ramotswa, ba ba isa kwa sekoleng sa St. Josephs College kwa Kgale. Rre Ojang o boletse fa ba ne ba sala ka bana ba bontsi jwa bone ba sa dirang sentle, mme se se dire gore sekole seo se seka sa dira sentle. Le fa go ntse jalo, Rre Ojang o kopile batsadi go emisa go isa bana ba bone kwa dikoleng di sele, ba ba tlogedisa sekole sa bone ka ditshenyegelo, a supa fa sekole sa Kagiso se na le bokgoni jwa go ntsha bana ba ba pasang ka maduo a a kwa godimo. E rile ba ntsha la bone, batsadi ba supa fa ba tla emisa go isa bana ba bone kwa dikoleng di sele, ka tshepo ya gore sekole seo se boetse mo taolong. Ba re go isa bana kwa dikoleng di sele go a ba turela, e bile go tlotlomatsa dikole tseo, fa leina la sekole sa bone mo gae le gogoba mo seretseng. Bokhutlo
politics
7
Go ruta bana ngwao go mosola
Go ruta bana ngwao go ka solegela dikokomane tse di tlang molemo. Se, se builwe ke modiri kwa ofising ya Botswana Investment and Trade Centre, Rre Keletsositse Olebile kwa Bobonong bosheng. Rre Olebile a re ngwao e supa bokao kana boleng jwa motho ka jalo go molemo go e tshegetsa gore e seka ya nyelela. O supile fa ditso jaaka go suga matlalo di tshwanetse go tsosolosiwa ka di le botlhokwa thata mo matshelong a batho. Rre Olebile a re basha ba tshwanetse go tsenya le tsogo mo go direng ditiro tsa kgotla a tlatsa ka gore dithuto gammogo le dikitso tse ba nang le tsone di tlhokafala thata mo go direng ditiro tse di amang setshaba. A re batho ba tshwanetse go tsena diphuthego tsa kgotla ka go bo melaetsa ka ga mananeo a puso le ditlhabolo di tsewa koo. Rre Olebile o gwetlhile batho ba ba nang le didiba le masimo go tlhwaafalela temo a supa ka gore go dirilwe madirelo a Horticulture Resource Plant kwa Selebi Phikwe a a ka solegelang Batswana ka bontsi molemo. A re go simolodisiwa ga madirelo ao ke tsenela nngwe ya go kabakanya itsholelo segolojang mo kgaolong ya Bobirwa le Mmadinare ka go bo bontsi jwa baagi ba dikgaolo tseo ba ikaegile ka moepo wa Selebi Phikwe. Fa a tswa la gagwe Kgosi ya kgotla ya Shakola mo Bobonong Rre Molaodi Oitsile o gwetlhile borre go tsenelela merero ya kgotla ka seo se ka ba neela tshono ya go tla megopolo e ba ka e dirisang go rarabolola mathata a a aparetseng morafe o ba o eteletseng pele. O rotoeditse borre go se ipone tsapa mo go direng ditiro tsa kgotla. Rre Oitsile o tlhalositse fa tirisano mmogo le tshwaragano gareng ga borre e ka bopa setshaba. O supile fa dikgosi tsa pele tsa kgotla ya Shakola di ne di tshwaragane e bile di itse botlhokwa jwa kgotla Rre Oitsile o gwetlhile bomme go ilela kgotla ka seo se ka busetsa serodumo se kgotla e itsegeng ka sone. O supile fa kgotla ya Shakola e rurifaditswe go nna kgotla ka fa Molaong. O tlhaloseditse Bashakola fa a kopile rangwaneagwe go mo tshwarelela ka ene a santse a mekamekane le ditiro dingwe e bile gape a aparetswe ke mathata a pono ka jalo a kopa morafe wa gagwe go eteletsa rangwaneagwe pele mo ditirong tse di amanang le kgotla ya ga Shakola. BOKHUTLO
education
4
Thuto ke pitsa e e maoto mararo
Mogokgo wa sekole sa Bakgatle kwa Mochudi, Mme Julia Kgomotso, o boletse fa thuto e le ya batho ba le bararo e leng morutabana, motsadi le ngwana. Mme Kgomotso o boletse seo ka Mosupologo mo phuthegong ya batsadi, barutabana le baithuti fa a lekodisa batsadi ka maitsholo a bana, a re ba bone go tshwanela gore batsaya karolo botlhe mo thutong ya ngwana le bone baithuti ba nne teng mo phuthegong eo ka e lebagane baithuti. O tlhalositse fa ngwaga ono kgang e e tswenyang mo sekoleng seo ele ya marato a baithuti ebile e golela kwa godimo jaaka go nnile le kgang ya moithuti wa dingwaga tse di lesome le boraro a ratana le mokgweetsi wa khombi yo o ngwaga di le masome a mabedi le boraro, a re kgang eo e tshwentse bogogi thata. O boletse fa go kgona go tseregangwa ntwa ya baithuti ba lwela go pagama dikhombi tseo tse di leletsang diromamowa kwa godimo,a re go dirilwe thulaganyo ya gore baithuti batle phakela ka nako ya bosupa mo matlwaneng a boitutelo gore batle go bala mme bone ba tsena thari ba diilwe ke dikhombi.
education
4
Kgosi o rotloetsa morafe go tsenya letsogo mo ditlhabololong
Kgosi wa Khwai, Rre Merafe Amos o rotloeditse morafe go tsenya letsogo mo ditlhabololong. Kgosi Amos a re morafe o tshwanetse go tsena mo dikomiting tsa motse ka go gwetlhega go tlhabolola motse eseng fela go ja. O supile fa go le gantsi batho ba tsenelela dikomiti tsa motse go emela lemme le le neelwang maloko e seng go tla ka diphetogo mme se a sa se rotloetse ka batho ba felela ba sa ntshe maduo. O ne a amogela maloko a masha mo lekgotlaneng la motse la Khwai Development Trust. A re ba tshwanetse go tsena mo komiting ba ikaeletse go tlhabolola le go tsisa maele a masha a go fetola seemo sa motse. O kopile maloko a masha go nna le botho le go tlotla morafe ka ke one o ba tsentseng mo komiting o ba tshepha. O supile fa Khwai Development Trust e le lekgotla la morafe, ka jalo ditshwetso tsotlhe tse di tsewang di tshwanetse go nna tse di agang e bile di tlhabolola batho botlhe ba Khwai. O kopile morafe go nna le maikarabelo a go bona gore maloko a masha a dira tiro ka go ba sala morago. O ne a kopa morafe go ema maloko otlhe nokeng gore go nne le tswelelopele mo motseng. E rile a ba ema ka lefoko, mokhanselara wa kgaolo, Rre Kebareeditse Ntsogotlho a supa fa tiro e ntle e e dirwang ke morafe e bonala mme ba tshwanetse go tswelela ka yone gore motse o tlhabologe. O supile fa go sena motho yo o ka tswang go sele go tla go ba tlhabololela motse mme e le bone fela e le banni ba Khwai ba ka ikemelang ka dinao. BOKHUTLO
society
9
Bobedi ga bo ipone tsapa
Boammaaruri jwa kgang ya gore go tsofala yo o ratang, bo bonelwa mo go bomme Nkhanenyana Sesipi le Khononoko Sesipi ba ba tlholegang kwa Makopong mo kgaolong ya Kgalagadi. Bomme ba ke motho le monnawe ba ba tlhomaganang ebile gape ke ditsala tse di ntshanang seinong. Bobedi jo ke mokoduwe e e itekang, le fa ba setse ba tsofetse ba santse ba khobakhoba fa morago ga dipodi tsa bone ba di disitse go leka go di atisa Erile puso e tlisa mananeo a go itshetsa le go tlhabolola matshelo a Batswana, bomme ba, ba ne ba nna bangwe ba ntlha go dirisa tshono e,mme ba atlarela thuso e ka tsoo pedi, ba fiwa dipodi ka lenaneo la LIMID . Bomme ba ba ne ba seka ba eletsa go ka bona thuso e e ba dule ka diphatla tsa menwana mme ba tlhwaafalela go itisetsa dipodi tsa bone. Bobedi jo bo tlhalositse fa thuso e ya dipodi e ne e le e e maleba mo go bone ka ba godisitswe ke batsadi ba ba neng e le balemi barui gape ba kile ba berekela maburu kwa dipolasing tsa Aferika Borwa. Mme Nkhanenyana yo a leng mogolwane a re batsadi ba bone ba ne ba thinkgela kwa mokgwa o sele mo go neng go ba ama fa ba gola ba bona ele bokgoba kante ga ba itse monate wa teng gore batsadi ba bone ba tsaya matsipa a go rua a a reng ba ne ba a nya mo batsading ba bone. A re se ba neng ba akanya gore ke bokgoba se ne sa thusa batsadi ba bone go nna le leruo la bone ,mme ba ithuta go rua, ka palo ya bone basetsana e ne e photla ya bokgaitsadiabone mo eleng gore leruo lwa bone lo ne lwa oketsega batsadi ba ba tlogelela masaka a leruo fa ba ikela badimong. Le fa batsadi ba bone ba ne ba ba tlogetse ba tshelela mo tlepung ya bontsintsi jwa leruo ditshwarego tsa go godisa bana le go ba tsenya sekole di ne tsa ba kgoreletsa go nna kwa morakeng ba itisetsa ka jalo ba kopa bangwe go ba beela leitlho mme la bone leruo ya nna lone fela le le jewang ke bophiri le bophokoje mme ba sala ba iphotlere,ba aperwe ke lehuma. Le fa go ne go le go le thata ya lentswe mo matshelong a bone,mme Nkhanenyana a re ba ne ba sa tlelwe ke mowa wa boitlhobogo,ba ne ba rotloetsana le monnawe go tshepa Modimo,mme ka ngwaga wa 2010 ba ne ba bona maduo a go dumela mo Modimong, Ramasedi o ne a araba dithapelo tsa bone a ba segofatsa ka dipodi tsa lenaneo la LIMID. Mongwe le mongwe wa bone o ne a abelwa dipodi tse di namagadi di le masome a mabedi le phoko e le nngwe. Fa e sale ba atswiwa ka lenaneo la LIMID,bomme ba a itisetsa. Fa o mongwe a sa kgone go ya dipoding o mongwe o a mo disetsa,ba re ba ithutile gore dilo di botoka fa di le mo tlhokomelong ya mong wa tsone,ke gone di oketsegang. “Ruri ruri gare batle seragaraga le makhirikhiri a a kileng a re diragalela mo botshelong ra sa la re re sa ipitse ka sepe,ka ka moo re itshokolelang re taboga ha morago ga dipodi tse ka re eletsa gore di ate”,mme Khononoko a tlhalosa. Go ya ka yo mmotlana mo go bomme ba mme Khononoko,dikgwetlho tse ba kopanang le tsone di dintsi mo eleng gore di lebega di tla fekeetsa dikatlego tsa bone,mme ka lorato lwa bone mo dipoding lo le kwa mankalakaleng, le dikgwetlho di le dintsi ga ba kgobege marapo ba ikanne gore tla itshoka go ya go ileng,pheletsong gone ba tla bona tse di molemo. Mme yo o ne a supa fa ba lebaganwe ke dikgwetlho tse di akaretsang leuba,malwetse ,bogodu jwa leruo le bophiri le bophokoje. O ne a kaya fa palo ya dipodi tsa bone e ka bo e le ntsi ka dipodi di kgona go tsala gabedi mo ngwageng mme go paledisiwa ke bophiri le bophokoje ba ba tlhoahaditseng ka go ba jela dipodi,mme a lela ka bomaoto a tshupa jwa ba lephata la diphologolo a re ba tsaya lobaka go ba thusa ,gape ga ba beye dilaga go lwantsha dibatana tse. Mosadimogolo Khononoko a re bophokoje ba ba nale omofuta o mongwe wa bophokoje ba ba maoto mabedi ba ba buang a raya batho.O kaile fa magodu a leruo mo kgaolong ya Makopong a kelemile, ba sena nako ya go boroko le go itapolosa. O tlhalositse fa magodu a utswa leruo ba le tlodisa molelwane oo fetang gaufi le motse,a re mapodisi a diegela dipego tsa bogodu jwa leruo ke ka moo magodu a a nnang le tshono ya go senya bosupi,mme ba tswe ka tse di tsididi kwa kgotlatshekelo morago ba tsweledise ka go utswela pele. Mme Khononoko o kaile fa se se busetsa morago ebile se lwantsha le one maiteko a puso ,mme lehuma le lone le kelemele pele ka masaka a kgaritlhega. Mogolowe Khononoko ne a re se sengwe sekgoreletsi mo thuong ya bone ke leuba,mme legale a re ba kgona go ipofa dimpa ka ditukwi go itebatsa tlala,fela gore ba dirise madi a bone a tantabala a ba a amogelang go rekela dipodi tsa bone dijo,gape ba sela dikelekesi ba di sila go jesa dipodi. Le fa malwetse e le nngwe ya dikgwetlho,Khononoko a re ga a opise tlhogo thata ka lephata la temo thuo le ba eme nokeng fela thata go ba thusa go thibela le go alafa malwetse.Godimo ga moo a re ka kitsonyana ya bone ya go rua ba a tle b ba iteke go lwantsha malwetse,mme fa ba bona gore ke seemo se se ba fetileng ba kopa thuso mo go ba temo thuo. Le fa leruo le ba tlhokisa boroko ,bomme bo rra Sesipi ga ba batle go tlhoka leruo ka e le lone le ba itshetsang ka lone.Mme Nkhanenyana a re ba itlosa bodutu ka go disa,gape a re lehuma le kgona go balabadisa motho ka pelo mme a felele a nna le malwetse a pelo a a ka mo gapelang botshelo ke sone ba sa batleng gore dipodi tse di ka ba tswa diatleng. Mme yo a re dipodi tse ke tsone motswedi wa bone wa mashi,a re ga ba senyegelwe ba reka mashi a a lokang ditlhatlheo ka ele barati ba tee ba popota. Nama le yone ba e bona mo dipoding tse,mme Nkhanenyana a re ba tlhaba ka dipaka tse di rileng jaaka nako ya keresemose ka ba ngamela dipodi tse gore di oketsege. Mme Khononoko o ne a tlaleletsa bomolemo jwa go rua e le go itshidila mmele fa ba ntse ba khobakhoba fa morago ga dipodi ba di thiba,gape a re thuo e ya bone e ba fa tshono ya go nna le seabe mo go tokafatseng itsholelo ya lefatshe ka itsholelo ya lefatshe leno e ikaegile ka mohama wa temo thuo. Se sengwe se ba dirang motlotlo ka thuo ya bone ke gore dipodi tse di ba kgontsha go supegetsa dikokomane motlhala o o siameng wa temo thuo o o supang ditso tsa Batswana,a gatelela go tswa goo lowe Batswana ba itsege ele balemi barui mme fa dikokomane di ka rutiwa ba ka tshegetsa ba bo ba tsweledisa ditso tse. Boipelego ke nngwe ya dilo tse di dirang gore ba galaletse lenaneo le,se se tlhomamisitswe ke mme Nkhanenyana a re gape go ba fa seriti ka a re lehuma le lone le ka dira gore batho ba go nyatse. “Go nna le dipodi ngwanaka go re file seriti,bana ba rona ba ka tsena dikole ba phutologile ba sa tshabe go tshegiwa ka re nale dipodi.Aitse lehuma le ka go tsenya batho ba go wele godimo ba go nyatse tota,”Nkhanenyana a tlhalosa. Mme Khononoko a re puso e leka bojotlhe go tlhabolola matshelo a Batswana a re se se batsaya karolo botlhe ba tshwanetse go etletsa maiteko gore a atlege gape ba lwantshe diemo tse di kgoreletsang maiteko a. O ne a kopa bophokoje ba ba maoto mabedi go latlha mokgwa o o maswe wa go utswela batho ba bangwe a re mananeo a diretswe botlhe,o ne gape a gakolol Batswana go dirisa dithuso tsa mananeo a, a re ba le aramele le santse le ba tlhabetse.
economy_business_and_finance
3
Bomme ba kgothadiwa go inaakanya le thuo
Go tswa goo lowe, itsholelo ya lefatshe la Botswana le botshelo jwa Motswana di ne di ikaegile thata ka temo-thuo, pele ga diteemane le ditswa-mmung tse dingwe. Diane le dithamalakane dingwe di supa sentle boleng jwa leruo mo botshelong jwa Motswana bogolo thata matlhogoputswa. Le mororo botshelo bo fetogile, Batswana bangwe ba santse ba tshwere ditso tsa go rua mme ba dirisa mefuta ya temo ya segompieno e e tlhabolotsweng go gweba ka leruo eseng fela go itshetsa mo lwapeng jaaka ene ele tlwaelo bogologolo. “Re gola re bona kgomo e ruiwa mo malwapeng a rona mme e re namola mo dilong di le dintsi jaaka fa gole dintsho, manyalo, go tsenya bana dikolo le mathata a mangwe fela a lelwapa,” se se tlhalositswe ke Mme Agisanyang Kgotla jaaka ane a bua ka lorato la gagwe mo thuong ya dikgomo. O kaile kafa sekolo se segolo sa University ya Botswana se agilweng ka seabe sa motho mongwe le mongwe kgomo ka nako e lefatshe le neng le sena meamuso e mentsi mme itsholelo e ikaegile ka kgomo kana leruo. Mme Kgotla wa kgwebo ya dikgomo e e bidiwang Mpopothi o akgotse puso ka lenaneo la go tlhobolola matshelo a bomme la Gender Affairs go bo ba rotloetsa mohama wa thuo. Mme Kgotla yo o mo kgwebong e e tlhakanetsweng le ba bangwe bale bane, are Gender Affairs e ba file madi a kana ka P238 640 go simolodisa kgwebo ya bone ka ngwaga wa 2011. “Re ne ra aga masaka le go reka dikgomo di le 41 le dijo le melemo mme gompieno re nale dikgomo di le 29 le dinamane di le 66 mme re kile ra swelwa ke dikgomo di le 15 le dinamane di le 29.” A re kgwebo ya leruo ke ‘teemane’ ka jalo o kgothaditse bomme go inaakanya le go tsena mo kgwebong ya go rua le gone go dirisa mananeo a puso go itshimololela dikgwebo. “Re ne re ile ditshupong tsa dikgwebo tsa bomme bosheng mme ke itemogetse gore bomme ba barui ba tsena mo seatleng, ba boutsana. Bontsi jwa bomme ba dira dikgwebo tsa ditlhare, go apaya, go roka jalo jalo, tse eleng gore di setse di le dintsi thata. Ke akanya gore bomme ba tshwanetse go itse gore ba nale bokgoni jwa go rua ka jalo ba tsene mo kgwebong e ka gore e nale dipoelo tse di nametsang.” O tsweletse a supa gore puso e dirile bontle thata ka gore jaanong mmaraka wa nama ya Botswana o teng kwa mafatsheng a a kwa ntle mme a kaya fa seo se baya lefatshe leno mo tshiamelong ya kgolo mo go tsa kgwebo le tirisanyo mmogo le mafatshe a sele. Mme Kgotla o tsweletse a supa gore kgwebo nngwe le nngwe e kopana le dikgwetlho mme le fa gontse jalo, o tlhalositse gore pheko le molemo wa tsotlhe ke lorato mo kgwebong e motho ae dirang. A re kgwebo e e tlhakanetsweng kgotsa ya setlhopha le yone e nale dikgwetlho mme go nale tse dintle tse motho a ka di nwang moro jaaka go thusana le go naalana dikitso kana thuto ka tsa kgwebo. O tsweletse a kaya gore Mpopothi e e agilweng ke bomme ba le batlhano le rre a le mongwe e godile fela thata fa e sale e simologa ka ngwaga wa 2011. O supile gore o kgonne go gwetlha le go rutuntsha setlhopha sa bomme ba ba ruang dipodi le ba dikgomo le ba merogo. Maikaelelo ke go tsena mo kgwebong ya temo-thuo go tlhabolola matshelo a bone le motse wa Khudumelapye ka kakaretso le go godisa Botswana. “Re setse re bone lefelo fa re yang go direla teng. kgwetlho e tona ke metsi mme re ikaelela go phunya didiba mo lefelong le,” Mme Kgotla a nankola ka boripana. Mme Kgotla a re go botlhokwa gore motho a batle thuto le thuso mo go ba leruo fa ba eletsa go simolola kgwebo ya go rua. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Ba Lephaleng ba roletswe kgosana
E ne ya re kgwedi eno e rogwa kgotlana ya Lephaleng kwa Molepolole ya rolelwa kgosana ya tetlanyo ke bogosi jwa motse oo. Kgosana Kruger Kareng go bolelwa a ne a sale a supilwe ka ditlhopho ke morafe wa kgotlana eo mo ngwageng o o fetileng gore a ba etelele pele. E ne ya re a rola Kgosana Kareng mo morafeng, mogolwane mo bogosing jwa Bakwena, Kgosi Lawrence Mhaladi a kopa morafe oo go ema Rre Kareng nokeng ka a supile fa kgosi e le kgosi ka batho. O ba kopile goya ko go ene ka tlotlo e e mo tshwanetseng le gore ba tshwaragane le ene go batla lefelo le ba ka bayang kgotlana ya bone teng. O supile fa Rre Kareng e le leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse mme a mo rotloetsa go dirisanya le bone sentle gore ba tsee ditshwetso tse di maleba. O mo rotloeditse go dirisanya le mapolotiki a kgaolo ya gagwe ka a supile fa puso le ditlhabololo tsa lefatshe di tsamaisiwa ke sepolotiki, fela a mo kopa go ikgapha mo go tseeng letlhakore mo sepolotiking. Kgosi Mhaladi o ne a rotloetsa Rre Kareng go tshwara tiro ya gagwe ka manontlhotlho, a kaya fa batho ba kgotlana eo ba tlaa tsena kwa ga gagwe bosigo le motshegare go kopa thuso, mme a mo gakolola go nna a ba thusa ka nako a sa ba diegele. O mo kopile go ikgapha mo nnotaging ka a re e ka mo itaa tsebe mme a tlhoke go thusa morafe sentle. O kopile mabutswapele a kgotlana eo go ithaopela go nna le kgosi mo kgotleng gore ba mo gakolole le go mo thusa dikgang tsa kgotla eo, a tlatsa ka go kopa Rre Kareng go tsaya dikgakololo mo bathong ba gagwe mme a fetsa ka go mo rotloetsa go tlhaloganya melelwane ya kgotlana ya gagwe go itsa go gotlhagotlhana le dikgosi tsa dikgotla tse dingwe. E rile fa a amogela thomo, Rre Kareng yo e bileng a kile a nna mogokgo mo dikoleng tse dipotlana a lebogela marafe wa kgotlana eo go mo neela boikarabelo jo a neng a na le kgatlhego mo go jone. O tlhalositse fa a itlamile go agela mafoko a ga Kgosi Mhaladi mosako mme a supa fa a tlaa dirisanya le morafe oo sentle. E re le fa go ntse jalo, Rre Kareng o kaile fa a tshwenngwa ke tiriso botlhaswa ya majalwa a a apewang mo malwapeng mo kgotlaneng eo ka a re selo se se felela se kgoreletsa le bone bana ba dikole ka bangwe ga ba isiwe dikoleng fa ba bangwe ba sa tlhokomelwe sentle mme batsadi ba bone ba bonelwa mo nnotaging. O supile fa a tlhaloganya matlhoki a kgaolo eo mme a tlaa tshwaragana le baeteledipele ba bangwe gore ba gatele pele mo ditlhabololong tsa kgotla eo, mme a kopa morafe go tswelela ba mo ema nokeng gore ba fenye le tsone dikgang tsa botlhoka tsebe tse di apesitseng kgaolo eo kobo ka letshoba. Kgotlana ya Lephaleng, e tlaa imolola ya Lekgwapheng morwalo kw morafe wa kgotlana eo o ntseng o kopa dithuso teng. BOKHUTLO
politics
7
Lekgotla la ditlhopo monela marulana pele
Mogolwane go tswa kwa ofising ya lephata le le ikemetseng la tsamaiso ditlhopo (IEC), Rre Isaac Koogotsitse o boleletse makhanselara a Kgalagadi gore lephata la gagwe le semeletse go ipaakanyetsa ditlhopo tsa setshaba tsa ngwaga o o tlang. O buile mafoko a mo phuthegong ya khansele kwa a neng a lekodisa makhanselara ka ipaakanyo e ba tsweletseng ka yone bosheng. Rre Koogotsitse o tlhalositse fa ba tsamaya ba buisana le ba-na-le seabe botlhe mabapi le ipaakanyetso ditlhopo tsa ngwaga o o tlang ka jaana nako e ile. O boletse fa ba netefatsa gore didirisiwa di tshwana le dipalamo, batlhophisi le mafelo a a yang go dirisiwa go tlhopha di tlaa bo di le mo seemomng se se siameng fa nako ya ditlhopo e goroga. A re ba tsweletse ka go hira batho ba ba tlaa bong ba kwadisa setshaba go simolola ka Lwetse e tlhola gararo go tsena Ngwanatsele a le lesome le bongwe. A re go tlaa bo go sena malatsi a a okediwang a ikwadiso mme a re ke ka moo go leng botlhokwa gore ba-na-le seabe botlhe ba rotloetse setshaba go ikwadisa ka nako. Rre Koosaletse a re ere le ntswa go ise go bewe letsatsi la ditlhopo e bile go santse go na le dikgang dingwe kwa makgotleng a ditsheko, ba bone go le botlhokwa go ipaakanya ka gore le fa go ka nna jang, lefatshe la Botswana le tshwanetse go ya ditlhopong ngwaga o o tlang. O tlhalositse fa go le phoso go beela motho karata ya ikwadiso le Omang. A re go dira jalo ke molato o motho a ka o atlholelwang dikgwedi tse thataro mo kgolegelong, madi a a sa feteng sekete sa dipula kana dikotlhao tseo tsotlhe. O kopile ba-na-le seabe go ruta batho ka mosola wa ditlhopo ka jaana go tshwenya ka go lemosegile gore batho fa go na le ditlhopo tsa poeletso ga ba tlhope. Mangwe a makhanselara ba supile fa ba le ’bete se molangwana mabapi le motshine o go tweng o tsile go dirisiwa mo ditlhophong, ba tlhalosa fa puso e ka bo e setse e o lekeleditse mo ditlhophong tsa poeletso go bona fa o bereka sentle. Ba kopile gore puso e sekaseke kgang ya go oketsa nako ya ikwadiso ka jaana Batswana ka bontsi go lebega ba sa itse mosola wa go tlhopa. Bangwe bone ba re o siame ka jaana o tlaa ntsha maduo ka nako.
politics
7
Tshenyo ya ditlou e tshwenya makhanselara
Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba a supile matshwenyego ka tshenyo e e bakwang ke ditlou mo masimong a balemi ba kgaolo eo. Mokhanselara wa Moroka, Rre Egbert Tshandu, o ne a kaya fa tshenyo ya ditlou mo masimo e setse jaanong e gomagometsa go kgoba balemi marapo ka ba sa tlhole ba bona maduo a maiteko a bone a go ntsha dijo go itshetsa le ba malwapa a bone. Rre Tshandu o ne gape a supa fa maiteko a lenaneo la dithuso tsa temo la ISPAAD le one a tlaa seke a tswe dipe mme madi a puso e a ntshetsang lenaneo le o a wetse ka motlhoboloko. Mokhanselara Smarts Mathonsi wa Tshesebe le ene o ne a supa ngongora ka tshenyo e e bakwang ke ditlou. O ne a re ka fa ditlou di bonalang ka dipalo tse dintsi ka teng mo kgaolong, matshelo a batho le one jaanong a setse a le mo diphatseng, segolo jang ka ditlou e le diphologolo tse di sa tlwaelesegang mo kgaolong ya Bokone Botlhaba. Rre Mathonsi o ne a ikuela mo pusong go sekaseka molao o o iletsang go bolawa ga ditlou; a boa a supa fa go tshwenya go bo go lebega ekete puso e kgathala ka diphologolo go na le matshelo a batho. Fa a akgela, mokhanselara wa Ramokgwebana Rre Phikisani Makgetho o ne a iteela moroko mafoko a bakaulengwe ba gagwe. O ne a tswa ka mogopolo wa gore puso e fokotse dipalo tsa ditlou tse di mo lefatsheng leno ka go di rekisetsa mafatshe a mangwe a kwa go one go senang ditlou. A re se se ka thusa thata go fokotsa mosuke wa ditlou mme gape go fa lefatshe leno sebaka sa go dira letseno ka diphologolo tsa lone. Rre Makgetho a re madi a a ka bonwang ka thekiso eo ya ditlou a ka thusa thata go kgarametsa ditiro tsa ditlhabololo tse mo nakong eno di tsamayang ka bonya ka ntlha ya tlhaelo ya madi. Mme Peggy Senthufe, yo a leng mokhanselara wa Ditladi ene o ne a supa fa kwa kgaolong ya gagwe ditlou le ditau di apesitse banni kobo ka letshoba. A re metse ya Patayamatebele le Matopi ke yone e segolo bogolo e amilweng ke seemo se, mme a re le fa gone badiri ba lephata la diphologolo ba bonala kwa metseng eo, ga gona phetogo e e bonalang mo go ateng ga diphologolo tseo. Mme Senthufe a re se se a tshwenya ka jaana go sa tlhaloganyesege gore tiro ya ba lephata leo ke eng tebang le go fetola seemo.
society
9
Bogodu jwa diphologolo bo koafatsa itsholelo
Kgosi Mokgweetsi Ketshabile wa Kudumatse a re bogodu jwa diphologolo bo ka diga itsholelo ya lefatshe. A re Kudumatse o gaufi thata le mafelo a diphologolo ka jalo banni bangwe ba ithusa ka diphologolo tseo ntle le tetla ya lephata la diphologolo. O tlhalositse fa bogodu le letsomo la diphologolo le le seng ka fa molaong di tsweletse ka go diga itsholelo ka go nne bojanala bo na le seabe se segolo mo kgolong ya itsholelo. A re bojanala ke mohama o o botlhokwa ka gore puso ga e dirise madi a mantsi thata mo go yone fa go tshwantshwangwa le mehama a mengwe,a tlatsa ka gore jaanong go mo maruding a setshaba go sireletsa diphologolo tse di mo tikologong ya bone. Le fa go ntse jalo, kgosi a re bontsi jwa batho bo sa ntse bo sena kitso ka tlhokomelo ya diphologolo le matlotlo a mangwe a tlholego,a tlatsa ka gore melao e teng mme batho ba maoto a tshupa go bala ka yone. O boletse fa batho bangwe ba sa ntse ba dumela fa diphologolo e le dijo, ba sa di tsee jaaka kgwebo e e godisang itsholelo ya lefatshe. O boletse fa magodu ao a bolaela diphologolo tse go di ja kgotsa go rekisa nama ya tsone ka bokukuntshwane. “Ga ke ise ke tlhaloganye gore ba a rekisa kana ba di bolaela go ja fela,”a tlhalosa. E re go le jalo,a re seemo seo se a tlhobaetsa ka gore kgaolo e ka kwano e tla sala e sena diphologolo segolobogolo diphala le ditholo ka gore ke tsone di fitlhelwang di bolailwe gangwe le gape mo kgaolong ya gagwe. A re seemo se se bakwa ke gore diphologolo tse ke tsone tse di atileng thata mo kgaolong eo. O tswelela a tlhalosa gore ba nna ba tshwara diphuthego go ruta setshaba ka botlhokwa jwa go tlhokomela diphologolo mme o kare thuto eo,e wela mo mmung o o lekgarapana. E rile a tswelela a bolela fa monongwaga mopodisi a setse a gatisitse dikgang tsa mothale oo di le dintsi thata tsa go bolawa ga diphala,dikolobe,dikgokong le ditholo ka diwaere, dilaga le dintsa. O boletse fa go setse go na le bangwe banni ba motse oo ba ba atlholetsweng kgolegelo mabapi le bogodu jwa diphologolo. O ne a tswelela ka go leboga ba sepodisi, makgotla a mangwe a molao ka gore ke bone ba ba thusang go lwantsha bogodu jo ka go tshwara babelaelwa, A re fa nne madi a le teng go ne go ka okediwa badiri ba diphologolo go lwantsha bogodu joo. Kgosi Ketshabile a re o kopa setshaba gore se tlogele go utswa diphologolo,a tlatsa ka gore seo ke molato,go bolaya diphologolo,le go tsena mo polaseng ya motho kwa ntle ga tetlelelo ke molato.
crime_law_and_justice
1
Ba rotloediwa go kwadisa ditsha
Moemedi wa lekgotla le lebotlana la kabo ditsha la Molepolole Rre Spunch Masilomangwe o rotloeditse banni go iketleeletsa go ya go kwadisa ditsha tsa bone. Rre Masilomangwe o buile jalo mo phuthegong ya kgotla ya Mopalamente wa Molepolole Bokone Rre Mahhomed Khan, kwa Goo-Thipe. O tlhalosiste fa go dira jalo go tlaa thusa mo go atoloseng peo ya ditsha le ditlhabololo tsa motse. A re ditsha tse e leng matlotla, go tlaa senkwa beng ba tsone ba ba di kgathologileng, go ba rotloetsa go di tlhabolola go thusa go fetola tebego e e sa itumediseng ya motse ka bophara. Rre Masilomangwe o tsweletse ka go tlhalosa fa kwadisetso ditsha e simolotse ngogola mme e tlaa tswelela go fitlhela ngwaga o o latelang. O ne a tsibosa banni gape ka molao o mosha wa ditsha gore go laotswe gore, motho o tlaa abelwa setsha gangwe a gakolola ba ba rekisang tsa bone gore ba bo ba itse se ba se ikantseng. Mo go la gagwe, mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Khan, o gakolotse morafe gore o tshwanetse go tshwaragana le go dirisana ka se se ka thusa le go fefosa ditlhabololo mo motseng. Mo go tsa thuto, Rre Khan o tlhalositse fa e rile ba lemoga maduo a thuto a ya kwa tlase a sekole se segolwane sa Kgari Sechele II, a tswa leano le bagolwane ba bangwe go leka go rotloetsa baithuti go tlhwaafalela dithuto tsa bone. Khan a re e ne ya re ka kabo ya dimpho ba rekela bana dimpho di tshwana di laptop le Ipads tse di ka dirisiwang ke baithuti mo thutong ya bone ka boranyane. A re se se itumedisitse baithuti thata a re o lemoga fa ba bangwe ba gwetlhegile go itsolopanya mo dithutong go ipona le bone ba tsaya dimpho tsa mofuta o. O tlhalositse fa e tlaa re mo ngwageng oo tlang ba simolodise gore sekole sengwe le sengwe mo motseng ka nako ya kabo dimpho, go abelwe bana dimpho tse di ka ba solegelang molemo le go ba rotloetsa mo go tsa thuto. Fa ba akgela, mongwe wa banni mme Mainane Puso o ntshitse ngongorego ka ditirelo tsa sepatela sa Scottish Livingstone a re malao ga a itekanela go ka robala balwetse ga mmogo le gore dikobo di a tlhaela. Puso o tsweletse ka gore go lebega le bodiredi kwa sepatela bo tlhaela ka molwetsi a kgona go bewa malatsi gotwe ga gona yo o ka mo thusang. Le fa go ntse jalo, mopalamente Khan o kopile banni go dirisanya le bodiredi sentle, a re lefa ditirelo e se tsone ba ikuele jaaka go tshwanetse, a tlhalosa fa a tlaa latedisa dikgang tse morafe o ngongoregang ka tsone.
politics
7
Polao ya dikgomo e ba utlwisitse botlhoko
Makhanselara a Bokone Bophirima ga a itumelele go bolawa ga dikgomo. Ba buile seo mo phuthegong ya khansele e e faphegileng bosheng, kwa ba neng ba laleditse mogokaganyi wa tsa temo-thuo mo kgaolong ya Bokone Bophirima, Rre Obert Mabutho. Makhanselara a tlhalositse gore ke barui fela ba ba palo nnye ba ba bolaetsweng dikgomo ke ba tsa matlhoko a leruo ba ba ileng ba ikopanya le bone. Fa a tlhalosa, Rre Mabutho a re mo molaong wa tsa matlhoko a leruo wa ngwaga wa 1977, go ka fa molaong gore fa dikgomo di tsene mo terateng e e kganelang diphologolo tsa naga, di bolaiwe e le gone go leka gore di seka tsa anamisa bolwetse jo bo tshwenyang mo kgaolong eo ja tlhako le molomo. O tlhalositse gore le fa go ntse jalo, bangwe barui ba ba bolaetsweng leruo ba kgonne go bonwa gore ba duelwe mme o tlhalositse fa lenaneo la tsa bokenti mo kgaolong le tsweletse fela sentle. Mokhanselara wa Qangwa/Xaixai Rre Lelejwang Soke o ile a tshwaela gore molao oo o sekasekwe ka e le wa bogologolo. E rile a mo tlatsa, mokhanselara wa Gumare/Tubu Bokone Rre Mpoke Karapo le ene a supa fa a sa jesewe diwelang ke ka mo barui ba tserweng ka teng mme a tlhalosa gore molao o sekasekwe ka o siilwe ke nako. E rile ba tla kwa tshekatshekong e le khansele le ba temo-thuo, ba kopa gore go maleba gore barui ba itsisiwe ka kgang e gore ba kgone go tlhaloganya. Makhanselara a ile a supa gore mo go ka thusa setshaba go itse le gone go tlhokomela leruo. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Babereki ba Kanye Brigade ba ithuta dikhomputara
Go boammaaruri gore thuto ga e golelwe. Se se supagetse kwa sekoleng sa ithutelo tiro tsa diatla sa Kanye Brigade fa se ne se alosa baithuti ba le lesome le borataro ba ba neng ba ithuta ka tiriso ya maranyane a dikhomputara ba ntse ba le mo tirong. Baithuti bao ke badiri ba ba amogelang ka letsatsi kwa sekoleng seo, bontsi ja bone ke bagolo. Ithutuntsho e, ba e bone ka thotloetso ya mogokgo wa sekole seo Rre Bester Mahube. Dithuto di ne akaretsa go kwala, go romela melaetsa, go fetola, go godisa mafoko le go dira mekgabisa ka khomputara . Mmui wa tlotla mo kalosong ya dialogane tseo, mogolwane mo go tsa thuto mo kgaolong ya Borwa, Mme Maipelo Kesenye o akgotse sekole sa Kanye Brigade go ruta babereki ba bone dikhomputhara, selo se a reng ga se diragale mo maphateng ka bontsi. Mme Kesenye o boletse fa badiri ba maemo a a kwa tlase ba sa tsewe tsia go ithuta dilo di tshwana le dikhomputara, tse gompieno eleng tsone go berekwang ka tsone. O tsweletse a re bontsi jwa babereki ba, bo saletse morago, bo utlwa fela ka baeteledipele ba bone. O tlhalositse fa tiriso ya dipampiri e nyelela ka monokela, mme go tla bo go dirisiwa dikhomputara go romela melaetsa, go utlwa dikgang, go buisana gammogo le go fetolana. A re metlha ga se ya maloba, babereki botlhe ba tshwanetse go itse ditiro ka go farologana. Mme Kesenye , o solofeditse fa a tla kopa mo lephateng la gagwe gore ba rekelwe dikhomputara gore ba tswelele ba di dirise ba tle ba seka ba lebala. Mo mafokong a gagwe a malebo, mongwe wa dialogane Mme Kelepile Banabotlhe o ne a lebogela dithuto tse ba di tseneng thata go menagane. A kaya gore ba ntse ba inyatsa e bile ba tseelwa ko tlase gore ga se ba ba ka ithutanag dikhomputara ka bagodile, ba emetse go digela sebaka sa pereko fela. O boletse fa thuto eo, ba e bone go sena tuelo epe, e le ka lorato la boeteledipele ja sekole jo bo boneng go le botlhokwa thata gore ba e bone. A re, go ne go le thata fa ba simolola mme ba nna pelotelele le dithuto go fitlhelela ba di wetsa. Mongwe wa barutintshi Rre Johannes Ochuizen, a re malatsi ano go tshelelwa mo tirisong ya dikhomputara go itshetsa le go abelana dikitso ka bophara. O boletse fa baithuti ba ne ba reetsa thata le mororo e ne le bagolo. Jaaka e ne ele moithaopi mo go ruteng bagolo bao ,o lebogetse tirisano mmogo le mogokgo wa sekole e e dirileng gore tiro ya bone e nne motlhofo.
education
4
Metlojane o ngongoregela tiego
Banni ba Metlojane kwa kgaolong ya Good Hope/Mabule, ba re ba ngongoregela tiego ya go diragatsa dikopo tse di fetisitsweng ke komiti ya ditlhabololo ya motse ka jaana se se baka madiadia mo go tlhabologeng ga motse. Se se builwe ke moeteledipele wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Masego Seololwane fa a ne a lekodisa mopalamente wa kgaolo, Kgosi Lotlaamoreng ka Labotlhano. Mme Seololwane o tlhalositse fa go swabisa nko go feta molomo ka gore ba nna ka go bua ka dikopo tse di tshwanang fa pele ga mapalamente a kgaolo ya bone, ka go tlhatlologana ga bone mme go sena nko e e tswang lemina. O supile matshwenyego a gore, ba nna ba lela ka seemo sa ntlo ya boapeelo kwa sekoleng se sebotlana sa motse, se a supileng fa lesire la borulelo le tlhotlhorega ka ke botshabelo jwa dipeba. A re dipeba tseo, di ka bakela baithuti malwetse, gammogo le bone baapei ba ba direlang mo ntlwaneng ya boapeelo. O ne a supa gape fa ba sale ba tsentse kopo ya go baakanyediwa ntlo ya mooki ka jaana le yone e le mo seemong se se sa jeseng diwelang. O ne a tlatsa ka gore ba kopile le ntlo ya modisa dikago kwa kokelwaneng ka jaana babereki ba nna fela mo setaataeng ka nako ya dipula, diphefo le serame a supa fa se se ka ba kgoreletsa go dira tiro ya bone ka botlalo ka jaana ba tlaa bo ba sa babalesega. Le fa go le jalo, Mme Seololwane o ne a lebogela terata ya kgotla ka jaana, a supile fa kgotla ya bone e na le tebego e bile ba tlaa ketekela boipuso jwa bone mo tikologong e e nametsang. Mo go tse dingwe, ba ne ba lela ka bogodu jwa dijo mo masimong ka nako ya letlhafula jo bo dirwang ke banana ba motse, le letlhoko la metsi mo motseng. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa kgaolo-potlana ya Good Hope, Mme Gladys Molefe o ne a tshwaela ka gore ditirelo ka bontsi mo kgaolong tse di ntseng di dirwa ka lenaneo la Ipelegeng di tlaa nama di seegetswe fa thoko, morago ga gore khansele e retelelwe go ka tsweledisa ditirelo dingwe. Mo tekodisong ya gagwe, mopalamente, o ne a solofetsa banni gore o tlaa kopana le baeteledipele ba maphata otlhe a a maleba go ba rolela matshwenyego a bone, le gone go batla ditharabololo go ka fefosa ditirelo tse di sa ntseng di saletse kwa morago go thusa go fetola seemo sa ditlhabololo mo motseng.
politics
7
BMC e reka dikgomo kwa Gumare
Banni ba Gumare le mafelo a a mabapi ba boleletswe fa BMC e simolotse go reka dikgomo gape kwa Gumare le meraka e e mabapi morago ga gore barui bangwe ba seka ba kgona go rekisa ka ba matlhabelo ao ba ne ba itlamile go reka palo e e felelang mo seatleng fela. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, modulasetilo wa mokgatlho wa balemi barui ba kgaolo ya Okavango, Rre Onneile Tsele o tlhalositse fa theko e e simolotse ka Mosupulogo mme go tla a rekiwa mo merakeng e e neng e saletse kwa morago mo thekisong e e fetileng e akaretsa ya Tlhale, Xhekedau, Nxabexa, Xhara le Samotshoka. Rre Tsele o tlhalositse fa mokgatlho wa bone o kopile BMC go oketsa palo ya dikgomo ka barui ba sa kgotsofalela palo e ba matlhabelo e e rekileng mme kopo ya bone e amogetswe e bile ba tla a simolola go reka dikgomo mo baruing fa ba sena go reka mo merakeng e e neng e saletse kwa morago. A re fa ba sena go reka mo merakeng eo, BMC e tla a reka dikgomo di le dikete tse tlhano mo baruing ba Gumare go ya go felela kwa Tsau. Rre Tsele o boletse fa a solofela fa palo e motho a letlelelwang go e rekisa e tla a tsholetsega go tswa mo bobeding go ya magareng ga borataro le lesome. O tlhalositse fa mokgatlho wa bone o ikaelela go bitsa phuthego gore ba tle ba leboge morafe wa Gumare ka tirisano mmogo e ba e supileng jaaka ba ne ba ikagela masaka a megotlha ka boithaopo. O tsweletse ka go akgola barui ba Shakawe jaaka ba tshwere ka thata go lwantsha bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo tshwerweng mo dikgweding tse di fetileng. O boletse fa seemo sa bolwetse jo se ritibala e bile go setse go kentilwe 95% wa dikgomo mo kgaolong eo jalo a kgothatsa barui go tlhokomela leruo la bone ka go le tlhatlhela le go le kentela malwetsi. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Go itsane losika go botlhokwa
Go itsane ga losika go botlhokwa ka go ka thusa gore dikokomane tse di tswang kwa morago di gole di tlhaloganya le go itse losika lwa bone botoka ka ba anyilwe mo batsading ba bone. Fa a bua mo letsatsing la go itsane losika lwa Barolong ba ga Morakile go tswa kwa Aferika Borwa, Botswana le Namibia kwa motseng wa Makopong bosheng, Mme Remember Kelefile a re go tswa bogologolo batsadi ba bone ba sena kgatlhego ya go ba tlhalosetsa ka fa ba sikanang ka teng le ba bangwe mme seo sa dira gore ba tlhoke kitso ya tshika ya bone jalo ga felela go dira gore ba tlhoke go emana nokeng e le masika. O kaile fa ba tshwanelwa ke go kopa thuso mo go ba motlobo wa ditso ka seo se ka thusa thata go tlhaloganya mo go tseneletseng ka fa Barolong ba ga Morakile ba simologileng ka teng ka batsadi ba bone ba ba itseng ditso botlhe ba setse ba tlhokafetse. Fa a iteela kobo moroko mafoko ao, Rre Boitheko Kelefile o kaile fa e sale ba simolotse go tshwara bokopano go simologa ka 2006 mme a kaya fa ba tla tswelela ba dira jalo ngwaga le ngwaga gore losika lwa bone lo gole mo Botswana le kwa mafatsheng a mangwe a akaretsa Aferika Borwa le Namibia. A re ba simolotse go itse bangwe ba masika a bone ka malatsi a boitapoloso le ka dinako tsa dintsho gammogo le manyalo fa ba ile kwa Aferika Borwa. Fa a latlhela la gagwe, Mme Kebuileng Mosilabele go tswa kwa Aferika Borwa o lebogetse thata bokopano joo, a kaya fa bo le mosola ka bo kgonne gore bo ba bontshe Barolong bangwe ba ba neng ba sa ba itse mme a bolela fa ba tla a tsweledisa bokopano joo mo mafelong a a farologaneng a ba tla kopanelang mo go one. BOKHUTLO
society
9
Letsema le thata ka mong
lick to see more pictures Balemi barui ba kgothaditswe go tsena ka mmetela mo temo thuong gore ba kgone go ntsha dijo tse di lekaneng go dira gore lefatshe leno le emise go ikaega ka go reka dijo kwa mafatsheng a sele. Fa a simolodisa semmuso ditshupo tsa kgaolo ya Machaneng ka Matlhatso, mothusa tona mo lephateng la temo thuo, Rre Oreeditse Molebatsi, a re go maswabi go bona lefatshe le le nang le dingwaga tse di masome a mane le borobabobedi le ntse le ipusa jaaka la Botswana le sa ntse le palelwa ke go itirela dijo ntswa puso e tsweletse ka go dira mananeo a Batswana ba ka a dirisang go tlhabolola seemo sa temo thuo. Rre Molebatsi o boleletse batho ba ba neng ba tsene ditshupo tseo gore fa Batswana ba ka tsena ka mmetela mo temo thuong ba bo ba dirisa mananeo a puso jaaka ISPAAD le LIMID, go tlhabolola seemo sa temo thuo, lefatshe leno le ka emisa go dirisa madimadi go reka dijo kwa mafatsheng a sele. A re e re ka lefatshe leno le tlhaelelwa ke mashi, puso e dule ka mogopolo wa go reka meroto ya dipoo tsa mashi kwa mafatsheng a sele go e rekisetsa Batswana ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase gore ba kgone go ntsha mashi a ka rekisediwang bagwebi ba madirelo a tshwana le Choppies le Spar. Mothusa tona a re ka ntlha ya diphetogo tse di sa iketlang tsa loapi, puso e tsere tshwetso ya go thusa Batswana ka mananeo a go phakisa dipeo le menontshane, go lemela batho ditema tse tlhano mahala, go ba agelela masimo le go ba thusa ka melemo e bolayang diji le mhero mo masimong. Rre Molebatsi o ne a kopa balemi-barui ba kgaolo ya Machaneng go ipaakanyetsa letsema le le tlang ka go ntsha disana le makabu, go agelela masimo le go baakanya di dirisiwa tsa temo di akaretsa diterekere le dipolantara. A re fa Batswana ba ka inaakanya le methale ya segompieno ya go lema ka ditselana le go tsosolosa makgotla a dikoporase, lefatshe leno le ka kgona go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo le letlhoko la ditiro le go lebegang le apesitse dikgaolo ka bontsi kobo ka letshoba. Modulasetilo wa komiti ya ditshupo, Rre Obakeng Siamisang o tlhalositse fa maikaelelo a ditshupo e le go neela balemi-barui sebaka sa go abelana megopolo le go tsaya maele mo go ba bangwe ka tse di tsamaelanang le go tlhabolola seemo sa temo-thuo. Rre Siamisang o boletse gore fa e sale puso e neela Batswana boikarabelo jwa go tsamaisa ditshupo tsa dikgaolo tsa bone boemong jwa lephata la temo thuo, seriti sa tsone se wetse tlase ka jaana badirelapuso ba goga dinao mo go thuseng ka dipalamo. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Balemi ba itumelela pula e namagadi
Balemi ba Masingwaneng ba re ba itumeletse dipula tse di neleng ka Tlhakole ka di rudisitse dijalo tsa bone. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, mothusa modulasetilo wa lekgotla la balemi-barui mo Masingwaneng, Rre Lekang Zhibi o tlhalositse gore pula ya maloba e nele ka bokete e bile e solegetse molemo dijalo tse di neng di tshubilwe ke letsatsi. Rre Zhibi a re banni ka bontsi ba tsere temo ka tlhoafalo e bile ba thusiwa ke balemisi ka lenaneo la ISPAAD, ka go ba fa peo ka mefuta. Rre Zhibi a re ene o lemile ka terekere le ditonki ka Ngwanatsele, ebile a lema ka ditselana jaaka balemisi ba rotloetsa. O supa fa kgwetlho e tona mo masimong e le dinonyane tse di jang mabele, segolo bogolo segaolane. A re leruo le lone le a senya mo masimo ka go tlhagela di eja dijalo ka ebile batho ba sa tlhole ba disa. Mothusa modulasetilo o tlhalositse gore go sa ntse go na le bangwe ba ba sa tlholeng ba lema ba re ba tlaa reka. O supile gore banni ba Masingwaneng ba kile ba bo ba tlhoafaletse temo fa go santse go lengwa ka go gasa peo. Ka jalo a re lekgotla la balemi le tsweletse ka go buisa diphuthego mo motseng go supa botlhokwa jwa go lema. Rre Zhibi a re o solofetse go roba mmidi le ntshe ka tsone di sa tlhaselwe ke diji. Fa a ntsha la gagwe, molemi Rre Zibani Maphamole a re o itumeletse pula ka gore mmidi wa gagwe o ne o sule jaanong o thantse. A re kgwetlho e tona ke nonyane ya lesogo e e tseneletseng mabele, a ta tlhalosa fa a sa bone a tlaa roba sepe mo temeng ya mabele. O supile gore o ne a sala ditaelo tsa balemisi morago, gore ba seka ba lema dijalo mo temeng e e tshwanang ngwaga le ngwaga. Rre Maphamole a re o itumedisiwa ke gore mmidi o ne o santse o itsetsepetse ka o sa tshabelelwe ke go jewa ke diji. O tlholositse gore o beile bompopi ba matsela mo masimo go tshosa dinonyane, mme a re di tswelela di ntse di senya fela. O digetse ka go re ene le ba lelwapa la gagwe ba tlaa dika ba o orile molelo wa mariga. “Pula e e nthusitse re tlaa dika re robile go le gontsi e bile ke tlaa ja le bongwanake.” BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Dikereke di tshwaraganela thapelo
Dikereke go tswa mo dikgaolong tse di farologaneng tsa Palapye di ne di kopane kwa Tamasane go rapelela bolwetse jwa HIV/AIDS ga mmogo le dikotsi tsa tsela, dipolaano tsa baratani le pula. Fa a ntsha lefoko ka letsatsi leo le le neng le tshwerwe ka mafelo a beke, moeteledipele wa lekgotla la baruti la Maunatlala, Rre Boikanyo Moleele wa kereke ya Kamo-le-kamo o boletse gore mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le seabe mo twantshong ya bolwetse jwa HIV/AIDS. A re batsadi, puso, makgotla a a ikemetseng, dikereke le baeteledipele ba tshwanetse go bua ka bolwetse jo ba sa fitlhe sepe ka bo amile mongwe le mongwe. A re letsatsi le la thapelo kgatlhanong le mogare wa HIV/AIDS le sale le tlhomiwa ka ngwaga wa 1996 mme lekgotla la baruti le tsweletse ka go le tshwara ngwaga le ngwaga. Fa a tswa la gagwe, Rre Montsho Matlala o ne a re lefatshe lotlhe ka bophara le apesitswe ke seru sa HIV/AIDS, a tlhalosa fa mogare o o ntsifetse thata, go tsweng ka ngwaga wa 1985 o sena go lemogwa mo lefatsheng leno. A re ditsamaiso dingwe tsa Setswana di rotloetsa kanamo ya mogare, ga mmogo le go nwa bojalwa phetelela. A re lehuma le lone le na le seabe se se tona mo go rotloetseng kanamo ya mogare. O kopile batho ba motse wa Tamasane go fetola maitsholo a bone gore mogare o kgone o laolesege, a ba rotloetsa go dirisanya le mokapelo a le mongwe.O gakolotse batsadi go dirisa diatlana fa ba oka balwetse gore ba seka ba amana gope le mogare, a ba rotloetsa go rapela gore kalafi ya mogare o e bonwe. Mafoko a a ile a gatelelelwa gape ke Rre Samuel Morebudi wa Kereke ya Faith Gospel After Christ.
religion_and_belief
8
‘Lwelang ditshwanelo ka boikobo’
Kgosi Basadi Seipone o gwetlhile makgotla a babereki go lwela ditshwanelo tsa babereki ba bone ka boikobo. O buile jaana mo kgotleng ya Kang kgwedi eno e rogwa jaaka a ne a amogela maloko a lekgotla la babereki la BOPEU fa ba ne ba keteka letsatsi la babereki. Kgosi Seipone o tlhalositse fa babereki ba le botlhokwa mo matshelong a setshaba ka jaana e le bone barongwa ba puso e ikaegileng ka bone go thusa go isa ditirelo kwa setshabeng. Ka jalo, Kgosi o ne a tshwaela gore se se botlhokwa ke gore babereki ba tlotle baeteledipele le go ba fa bogakolodi jo bo lolameng, a re ke yone ntlha ya konokono e ka yone ba ka kgonang go ema mmuso nokeng go ka thusana go ntsha ditirelo tsa maemo a ntlha go na le go gogela kobo ntlha e sele. O ne gape a gatelela ntlha ya gore ba lebogele menyetla ya go bo ba bone diphatlha tsa mebereko, ka jalo ba di somarele go ka tokafatsa matshelo a bone le ba malwapa a bone ka jaana lefatshe leno le aperwe ke letlhoko la mebereko. Mo go tse dingwe o ne a bua a sa kgale mathe ka boitsholo jo bo sa itumediseng jwa makgotla a babereki ka go tsosa mekubukubu fa ba sa kgotsofalele ditsanmaiso dingwe, mme a ba gwetlha go bua dikgang matlho a phage a lebane, go na le go itaana ka noga e utlwa ka jaana go ka se tsise tharabololo ya mathata. “Ntwa kgolo ke ya molomo” ga bua Kgosi Seipone. O ne a tshwaela gape gore puso e dirisa didikadike tsa dipula go duela babereki go bereka morago ga nako, mme a re seo e tshwanetse go nna thuto mo babereking gore ba tswe ka methale ya go fokotsa madi ao, ka bontlha bongwe jwa teng bo ne bo ka thusa go tlhama diphatlha tse dingwe tsa mebereko. O ne a garela ka go gwetlha makgotla a babereki go tshwaragana le puso go sekaseka dilelo tsa babereki ka manontlhotlho. Fa a latlhela tlhware logonnyana, lebutswa pele la lekgotla la babereki, Rre Francis Dipitse, o ne a gwetlha makgotla a babereki gore ba seka ba aswa lentswe ka go lwela ditshwanelo tsa babereki. O tlhalositse fa bone ba simolotse mekgatlho ya lekgotla la babereki mo lokgwereng mme ka bopelotelele le mowa wa boithaopo ba kgona go tshegetsa maikaelelo a bone a go aga mekgatlho ya sennelaruri. Ka jalo, a ba rotloetsa go nosetsa mekgatlho e, gore e seka ya phutlhama ka jaana fa ba ka raelesega ba seka ba swela dikano tsa bone ba tlaa bo ba itlhabile ka thipa mpeng, ka jaana ba tlaa bo ba sa tlhagolela dikokomane tsa bone tsela. Fa a ba ema ka lefoko, mogakaganyi wa lekgotla la BOPEU mo kgaolong ya Kgalagadi (KGAGA), Mme Onalethata Lebotse, o ne a ba gwetlha gore ba seka ba aswa senku fela fa ba bona gore melao ya pereko e ba baya ka fa tlase ga kgatelelelo, mme ba ka dira seo ka go rotloetsa kgolo ya makgotla a babereki go nna lentswe la bone. Mme Lebotse o ne a supa gape fa lekgotla le le buelelang babereki botlhe (Public Service Bargaining Council) le phutlhame, ka jalo ba le mo tseleng ya go tsosolosa lekgotla leo, go ka thusa go rarabolola dikgang tsa pereko ka tshosologo. A re ba ntse ba tsweletse ka go lwela ditshwanelo tsa babereki ka jaana bosheng ba ntse ba tshwere phage ka mangana morago ga go emisiwa ga dituelo tsa go bereka morago ga nako mme ka dipuisanyo gare ga mmuso le makgotla a babereki, mmuso o boetse tshwetso eo morago. O ne a tlhalosa fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse kwa ofising ya Babereki, morago ga gore go nne le dipelaelo tsa gore madi mangwe a tsene ka ga re itse, mme a ba solofetsa fa ba tlaa fiwa pego ditlhotlhomiso di sena go wela. Mo go tse dingwe, o supile fa maloko mangwe a le maoto a tshupa go duela madi a kgwedi le kgwedi a boloko, mme a ba rotloetsa go itsosa go hema diemo tsa go tlhoka go akola meamuso e e buletsweng maloko. O ne a iteela komiti ya kgaolo ya Kgaga legofi mabapi le boitsholo jo bo itumedisang ka jaana a tlhalosa fa ba sa tlhagelele mo dipalong tsa maloko a a tseelwang dikgato mabapi le boitsholo jo bo sa letlelesegeng. O ne a tlatsa ka go re ba iphaphe mo go diriseng maranyane go kgoba le go leswafatsa ba bangwe mme ba a dirise go anywa dikitso tse di botlhokwa go ka tlhabololo dikitso tsa bone. Molaetsa wa letsatsi go tswa kwa moeteledipeleng wa lekgotla la babereki la BOPEU, Mme Masego Mogwera o ne wa balwa ke mopalamnete wa pele wa kgaolo ya Kgalagadi Bokone, Rre Phillip Khwae, o ka one a neng a kgothatsa maloko go tshwaragana go lwela ditshwanelo tsa bone ka bongwefela jwa pelo. BOKHUTLO
society
9
DBES e neela mogodi lorato
Lephata la dikago le boranyane mo Bobonong erile bosheng la apaya dijo gammogo le go phepafatsa lelwapa la ga Mme Goitsemodimo France mo motseng oo. Fa a bua mo potsolosong, mogolwane wa lephata leo mo Bobonong Mme Babedi Kebonang o tlhalositse fa go apaya dijo le go phepafatsa moo e le tsela nngwe ya go araba selelo sa ga Tautona sa go rotloetsa maphata a puso go neela batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng gammogo le ba-na-le-bogole lerato. O tlhalositse gape fa go phepafatsa le go apaya dijo moo e le tsela nngwe ya go isa ditirelo tsa lephata kwa setshabeng. Mme Kebonang o tsweletse a tlhalosa fa ba tlhophile lelapa la ga Mme Goitsemodimo France ka a na le ngwana wa mo-na-le-bogole. A re e le ba lephata la dikago le boranyane ga ba a itebaganya fela le tiro ya go aga le tsa boranyane. Mme Kebonang o kaile fa tiro e tshwana ya go phepatsa e dira gore setshaba se lemoge botlhokwa jwa bone e le lephata. O supile fa ba setse ba kile ba aga, ba phepafatsa le go abela ba-na-le-bogole gammogo le bao ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng diaparo le melora mo metseng e tshwana Bobonong, Semolale, Mathathane, Tsetsebye le Robelela. Fa a tswa la gagwe mongwe wa badiri ba lephata leo Rre Total Masitlha o kaile fa lephata la bone le aparetswe ke dikgwetlho ka ba dirisa madi a bone go thusa ba-na-le-bogole le bao ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. O rotloeditse maphata a mangwe a puso go ema ka dinao mo go thuseng batho ba lefatshe leno. Fa a latlhela la gagwe Mme Goitsemodimo France o lebogetse lephata la dikago le boranyane tiro ya go phepafatsa lelapa la gagwe gammogo le go tlhola le ene a tlatsa ka gore seo ke mowa wa go supa lerato. O ikaile fa e le motho yo o tshelang ka bokoa a tlatsa ka gore go phepafatsa lelapa la gagwe ke tiro e e bokete mo go ene.
society
9
Dikoloti o lekola dikole
Mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang a re o go a nametsa go bona dipaakanyo tse di dirilweng go lwantsha go anama ga bolwetse jwa COVID-19 ka dikole di le mo seemong se se itumedisang. Rre Edwin Dikoloti, yo gape e leng tona wa tlhabololo temo-thuo le dijo, o buile jaana ka Labotlhano mo letsholong la gagwe la go lekola dikole tse di mo kgaolong ya gagwe ka fa di tsweletseng ka teng go ipaakanyetsa go bulwa ga tsone gompieno. Rre Dikoloti o ne gape a abela dikole tseo dikobo, mesangwana ya basetsana le di O tlhalositse fa dipaakanyo tse di setseng di dirilwe di siametse go ka amogela bana ba dikole tse dikgolwane tsa Chichi kwa Molapowabojang, Nthwalang kwa Digawana le sa Mmathethe. Dingwe tsa dipaakanyo di akaretsa go baya metsi a a tlhapang diatla a tlhakane le molora e bile a le bothitho, go kwala maina le go tsewa mogote fa baithuti ba goroga le go katologana ga bone mo matlwaneng a borutelo. Mopalamente a re o gwetlhegile go abela dikole tsa Nthwalang le Mmathethe dikobo go thusa baithuti mo pakeng eno ya mariga ka e le tsone di nang le boroko jwa baithuti. A re mme o ne a bona go tshwanetse go abela le se segolwane sa Chichi kwa Molapowabojang ntswa se se na boroko jwa baithuti, seo e le go thusa bana ba ba nang le botlhoki le go rotloetsa seriti sa bana ba basetsana ka go aba mesangwana. Rre Dikoloti o ne a leboga barutabana bangwe le batsadi mo dikoleng tseo ba ba neng ba seka ba ipona tsapa go thusa ka se ba nang le sone ka nako ya didirisiwa di tlhaela gore tiro e tswelele ba santse ba di letetse. A re ka jaana puso e ne ya kopa setshaba go thusa letlole le le tlhomilweng go lwantsha go anama ga bolwetse COVID-19 ka madi kgotsa dithuso tse di farologaneng, a re seo se ne sa mo gwetlha go thusa ka dimpho tseo, fela a tlhalosa fa mesangwana yone e le thuso go tswa kwa komponeng ya Euclea Crispa. Fa ba lekodisa mopalamente, baemedi ba dikole tseo ba ne ba supa fa ba ipaakanyeditse go amogela baithuti ba bangwe mo bekeng eno ka dipaakanyo tse ba setseng ba di dirile. Le fa go ntse jalo, ba ne ba kopa tona gore go seka ga tsaya nako e telele go shafatsa dikago tsa dikole. Ba ne ba lebogela dimpho go tswa kwa go mopalamente, ba supa fa di tsile ka nako e e siameng ka jaana dikobo tseo di tlaa jesa baithuti bothitho mo pakeng ya mariga. BOPA
health
6
Babereki ba gakolotswe go swela dikano
Babereki ba lekgotla le le ikemetseng la tsamaiso ditlhopho (IEC) ba gakolotswe go swela dikano gore ba kgone go tsamaisa thomo ya bone ka manontlhotlho go sena selabe sepe. Mogolwane wa IEC, Rre Alpheus Matlhaku o buile jaana bosheng kwa Mahalapye kwa moletlong wa go leboga badiri ba ba dikileng ba dirile bontle go fitlhelela maitlamo a lekgotla. Rre Matlhaku a re IEC e filwe namane e tona ya go rulaganyetsa le go tsamaisa ditlhopho, tiro e e tlhokang go siselwa le go tshwarwa ka manontlhotlho. A re, ‘ditlhopho ke selo se se masisi, se tletse manganga, dintwa le kganetsano’. Rre Matlhaku a re phoso epe e e ka dirwang ke mmereki wa IEC e ka tsala dikgoberego. “Lona ba le tsamaisang ditlhopho le nna le kokobetse, le ipotsa gore di ka tsamaya bogole fa kae mo go ka felelang go kgoberile bangwe maikutlo,” Rre Matlhaku a supa. Ka maikaelelo e le go tsamaisa ka mokgwa o o ka se keng wa kgopisa ope, Rre Matlhaku o gakolotse babereki ba IEC gore ba seka ba lebala maitlamo a gore ba tlaa dira gotlhe go nosetsa matshego a puso ya batho ka batho. “Se lebaleng maikano, a le a tsereng go direla lekgotla le,” a gakolola. Rre Matlhaku a re tiro ya ditlhopho e tlhoka babereki ba ba wetseng dibete, ba le kelotlhoko le botho e bile ba sala tsamaiso morago gore ba tsepame mo go se ba se romilweng. O akgotse badiri ba IEC, a re ba dira ka natla go tshegetsa tsamaiso ya lekgotla. Rre Matlhaku a re puso ya batho ka batho e tlhoka go nosediwa ka nako tsotlhe gore e seka ya kgotlelwa ke dilabe, ka jalo babereki ba IEC ba tshwanetse ba itse gore tiro e ba e dirang e tlaa tswelela ka go kgalwa le go nyefolwa ke bangwe. A re se se botlhokwa se ba tshwanetseng go se dira le fa diemo di le thata ke go sala tsamaiso morago le go tswelela ba ruta setshaba ka tiro ya IEC. O supile fa go le botlhokwa gore bodiredi jwa IEC bo tlholaoganye tsamaiso ya molao gore ba kgone go dira tiro ya bone ka boamaruri. A re tiro ya IEC e tlama badiri gore ba eteletse pele dikeletso tsa lefatshe go na le tsa bone, mme seo se ka kgonwa fela ke motho a ineetse go dira ka natla. E rile a itebaganya le kabo dietsele, Rre Matlhaku a supa fa go se thona go tsaya nako ba kopana ka se se sa itebaganya thata le tiro ya malatsi otlhe. A re bokopano jwa mofuta o, bo fa babereki sebaka sa go ithuna dinta gore ba kgone go tsholetsa seemo sa go neela setshaba ditirelo. O supile fa go le botlhokwa go akgola ba ba dirileng ka natla le gore ba ba sa bonang sepe ba lemoge botlhokwa jwa go dira ka natla. Rre Matlhaku a re IEC e motlotlo ka tiro e e dirwang ke babereki ba yone mme e tlaa tswelela ka go itlotlomatsa le go ipelafatsa ka bone. O supile fa IEC e lebogela tshwaragano e le e fiwang ke maphata a mangwe a puso, makgotla a a ikemetseng ka nosi le setshaba ka kakaretso gore le kgone tiro ya lone. A re ga a na pelaelo epe gore babereki ba IEC ba ikemiseditse go dira tiro ya bone ba tiisitse moko. A re selo se se botlhokwa ke go bereka ba le seopo sengwe. BOKHUTLO
politics
7
Kgosi o kgothatsa banni go kwadisa dithoto
Mothusa motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Bringle Dithapo, a re bogosi bo tshwenngwa ke dikgotlhang tse di bakiwang ke go lwela boswa. Kgosi Dithapo o buile jalo ka Laboraro fa a bula semmuso ntlo ya ngwao kwa kgotlaneng ya Boseja-Kubung kwa Maun. O supile fa dintwa tsa boswa di bakiwa ke go bo Batswana ba sena ngwao ya go kwala. Ka jalo o kgothaditse banni ba Maun go ithuta go kwala ka botshelo jwa bone le ka dithoto tse ba nang le tsone. A re seo se ka thusa thata fa ba setse ba hulere gore dithoto tsa bone di kgaoganngwe ntleng le dikgotlhang. Kgosi Dithapo o kgothaditse banana go bega dikgang tsa tiga lebele kwa kgotleng kgolo ya goo Tawana. O tlhalositse fa tiga lebele e duelwa ke rraagwe ngwana wa ntlha, mme kotlhao ya teng ke dikgomo di ferangbobedi. Kgosi Dithapo o supile fa banana ba sa tlhole ba bega dikgang tseo, mme a re go maswabi ka bangwe ba bone ba sotlega ka bana fa bo rabana ba sa ba tlhokomele. Fa a bua ka ntlo ya ngwao, Kgosi Ditlhapo o supile fa ntlo eo ele botlhokwa go somarela ngwao e e nyelelang. A re pele banni ba kgaolo ya Bokone Bophirima ba ne ba aga ka lethaka le le neng le tsewa mo nokeng mme morago ba aga matlo ka mmu. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Boseja-Kubung, Mme Priscah Kaiko ene o ne a tlhalosa fa ntlo eo ya ngwao e tlaa dirisiwa go kokoanyetsa lekgotla la bone madi. Mme Kaiko o supile fa ba ba nang le kgatlhego ya go itsaya dinepe fa ntlong eo batla a lefisiwa madi. O tlhalositse fa ntlo eo e agilwe ka lenaneo la Ipelegeng.
society
9
Monni o galaletsa lenaneo la RADP
Rre Namolang Sutelang wa Majwanaadipitse a re lenaneo la go thusa metse ee kgakala le ditlamelo la RADP le mo inotse mo isong. A re e ne ya re ka 2004, a simolola go nna morui morago ga gore puso e mo rekele dikgomo tse di namagadi di le tlhano ka lenaneo la RADP. Rre Sutelang o tlhalositse mo potsolotsong ka Mosupologo gore o ne a tlhokomela leruo leo, mme la seka la mo swabisa ka le ne la mo tsalela go fitlha dikgomo di nna masome a mararo le boferabobedi. A re dikgomo tsa gagwe di ne di tsala dinamagadi mme seo sa mo itumedisa thata. Rre Sutelang a re go tswelela a tlhabolola botshelo jwa gagwe, o ne a ikagela ntlo le semausu a bo a se tsenya dithoto. Rre Sutelang, yo o direlang kwa sekoleng se sepotlana sa Majwanaadipitse e le moapei, a re o thusitswe ka lenaneo a ise a berekele kwa sekolong mme o ne a kgona go tlamela ba lelwapa la gagwe ntle le tshokolo. A re o eletsa go iterela go feta jaaka a dirile mme se se mo gwetlha go tshwara ka natla. A re motlhala wa matsapa a gagwe o setse o bonala ka a kile a rekisetsa lenaneo le le thusang banana dikgomo. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Ditshingwana ga di dire sentle
Lenaneo la ditshingwana tsa kwa morago kwa motseng wa Mmathubudukwane mo Kgaolong ya Mochudi Botlhaba ga le dire sentle ka le lebanwe ke kgwetlho ya metsi. E rile modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre Kenneth Pule a bua mo potsolosong le BOPA, a tlhalosa fa metsi e le mmaba yo mogolo mo go atlegeng ga lenaneo leo. A re e sale batho ba motse oo ba direlwa ditshingwana tseo, ga ba ise ba akole dipoelo tse di kgotsofatsang tsa ditshingwana tseo mme kgangkgolo e le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa metsi. Rre Pule o ne a supa fa ditshingwana di ka nna supa mo motseng oo di sa bereke ka lebaka la kgang ya metsi mme a tlatsa ka gore e re ka e bile go sena pula ngwaga ono, seemo se ile masweng. A re ba kile ba buisana le Kgosi ya motse wa bone go dirisa tshingwana nngwe ya motse gore botlhe ba mananeo a temo le a mangwe ba ye go e dirisa ka e bapile le noka mme e bile metsi e tla bo e se mathata. O ne a tlatsa ka gore mo nakong ya gompieno ba baakanya tshimo eo gore ba ba nang le keletso ya go e dirisa ba ithsupe mme ba tla neelwa sebaka sa go e dirisa gore ba e ntshe mo lehumeng. E ntse e le mo motseng wa Mmathubudukwane, lenaneo la Ipelegeng le tsweletse sentle le fa ntswa mathata e le dipalo tse dintsi tsa batho ba ba nang le kgathego ya go bereka mo lenaneong leo. Rre Pule o supile fa ba bereka sentle le morafe wa bone mme sebe sa phiri ke gore palo e ba e filweng e nnyane bogolo jang fa a lebeletse dipalo tsa batho ba ba tshologelang lenaneo leo ka malatsi a khiro. A re e bile seemo se ile masweng ka gore ngwaga ono temo e kwa tlase mme seo se raya gore batho ba mo gae ka ba lemile morago e bile dipula di le boutsana mme seo se okeditse dipalo tsa morafe mo gae. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo o supile fa a tshwenyegile ka dipalo tse dintsi tsa banana ba ba hirwang mo Ipelegeng a tlatsa ka gore seo ke sesupo sa gore ga ba akole mananeo a mangwe a puso a a lebaneng bone ka sebele. Rre Pule a re seo ga se mo jese diwelang ka jaana ba tshwanetse ba dirisa mananeo ao bogolo jang ka a ka ba inola mo botlhoking jwa bone. A re dipalo tsa banana ba ba tsereng mananeo a banana mo motseng oo di kwa tlase fela thata fa ba ba a tsereng bone ba ole e bile go se nko e tswang lemina. Rre Pule a re seo se tshwentse fela thata bogogi jwa motse oo mme a re ba tsile go dira mo ba ka go kgonang go rotloetsa banana go tsaya mananeo a lekalana la banana le gone go tsena mo dikgwebong tse di ka tlhabololang motse wa bone le one matshelo a bone tota. Le fa go ntse jalo, Pule a re o lebogela gore motse wa bone o bo o tlhophilwe go nna kgaolo potlana ka seo se raya gore ditirelo di tla ba atamela mme mosepele wa go ya Mochudi o tla ya bokhutlong. A re seo se tla thusa fela thata ka batho ba metse ya dinoka ba ne ba sokola fela thata bogolo jang ka ba itshokolela mme ebile madi a sepalamo a le bokete go bonwa. O ne a ngongorega thata ka kgaogo ya motlakase mo motseng wa bone, a re letsatsi le letsatsi ba kgaolelwa motlakase ka nako ya borataro mme a re o rapela gore seemo se se tle bokhutlong mme lefatshe la Botswana le nne le motlakase wa lone o o lekaneng go anama le lefatshe. BOKHUTLO
education
4
Lekgotla le kgalemelela banni go rekisa ditsha
Lephatla la kabo ditsha la Tati le rotloeditse banni ba Ditladi go emisa mokgwa wa go rekisa ditsha fa ba palelwa ke go ditlhabolola. Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Ditladi mo boemong jwa modulasetilo, leloko mo lephateng la kabo ditsha la Tati Rre Lempaletse Mbayi o ne a kgala mokgwa wa go rekisa ditsha mo go ileng magoletsa mo banning ba motse oo le ba Tati Siding. Rre Mbayi o tlhalositse fa ba itemogetse gore metse e mebedi eo, fa baikopedi ba sena go abelwa ditsha mo nakong e khutshwane ba boa gape ba tsenya kopo ya go fetisa ditsha tse ba sa tswang go di abelwa. O ne a kgala mokgwa oo, a tlhalosa fa e le thulaganyo ya go ipatlela khumanego mme a rotloetsa banni ba ba neng ba tshologetse phuthego go emisa go rekisa ditsha, a re nako e jaanong ba tlaa bong ba batla ditsha dibalamakgolo di tlaa bo di supa fa ba kile ba fiwa ditsha. Rre Mbayi o ne a tlhalosa gore fa dibalamakgolo di supa gore moikopedi o kile a fetisa setsha, leina la gagwe le tlaa bo le isiwa kwa tlase mo go ba ba emetseng go bewa. Ka jalo a re go tlaa tsaya nako e telele gore moikopedi yoo a fiwe setsha se sengwe, mme a ba etleetsa go somarela ditsha go itsa khumanego. A re bontsi bo supa fa ba rekisa ditsha lebaka e le gore ba palelwa ke go ditlhabolola, mme a supa fa lephata la bone le sa tseele batho ditsha ka dikgoka fa ba palelwa ke go di tlhabolola. Rre Mbay o ne a supa fa lephata la bone le na le thulaganyo e e tlhomameng e e leng gore moikopedi fa a palelwa ke go tlhabolola setsha o ka e dira go tila go gapelwa. Rre Mbayi o ne a tlhalosa gape gore lephata le letlelela temo-thuo e e tswakantsweng, a tlhalosa gore fa molemi a na le tshimo o letlelesega go ka e kgaoganya a lema le go ruela dihutsana mo go yone. A re ke nngwe ya methale e puso e e letlelang gore banni ba ka e dirisa go tlhabolola matshelo a bone. Fa a bua ka thulaganyo ya kabo ya ditsha, Rre Mbayi o ne a tlhalosetsa banni ba Ditladi gore thulaganyo ya bogologolo e e neng e letlelela moikopedi go ka tla kwa lekgotleng go supa fa a eletsa go ka bewa golo gongwe e sa tlhole e letlelelwa. O tlhalositse gore moikopedi mongwe le mongwe fa a tsenya kopo a tsenngwa mo moleng wa baikopedi botlhe. Rre Mbayi o ne a boa gape a tlhalosa gore molao wa bone o letlelela Motswana go ka nna le setsha se le sengwe fela mo Botswana, go sa kgathalesege gore se kwa toropong kana kwa legaeng.
society
9
Matlotla a puso a tsile go thujwa
Dikago tshotlhe tsa bogologolo tsa puso tse di duleng matlotla di tsile go thubiwa go agiwa dikago tsa matlhatlaganyane tsa bonno jwa badirelapuso. Mafoko a, a builwe ke tona wa lephata la dikago, boranyane le boitseanape, Rre Nonofo Molefhi, mo phuthegong ya kgotla e a neng a e tshwere mo Mahalapye ka Labone. Tona Molefhi a re e rile puso fa e tlaa tlogela dikago tseo bogolo jang thata tsa modiro wa asbestos ga bo go dule dipego tsa gore fa a setse a tsofala e baka kankere ke ka moo puso e neng ya tswa mo dikagong tsa mofuta oo. A re puso jaanong e lemogile gore e re ka badiri ba yone ba tlhaelelwa ke boroko, tsile go thuba dikago tseo mme go agiwa matlo a matlhatlaganyane go ba direla boroko. O ne a tlhalosa gore e re ka go na le tlhaelo ya lefatshe, lefatshe ka bophara ba bone go le botoka go aga matlo a matlhatlaganyane go somarela lefatshe. Rre Molefhi o ne a araba mafako a ga Kgosi Duncan Segotsi yo o neng a itela ka dikago tsa puso tse di tletseng kwa Mahalapye mme di sa dirisiwe, e bile di setse di fetogile matlotla. Kgosi Segotsi o ne a tlhalosa gore dikago tseo e bile e setse e nna matlo a a iphitlhang magodu, a tlatsa ka gore a puso e ka se di rekisetse setshaba bogolo jang ka di agilwe ka madi a mantsi kgotsa ya di thuba go leka go fema diemo tse di sa siamang tse. Rre Molefhi o ne a tswelela ka go tlhalosa gape gore lephata la gagwe le itebagantse le dikago tsotlhe fela tsa puso di akaretsa dikole, dikokelo, le diofisi tsa maphata a puso ka go farologana. O ne a tlhalosa gore bone e le ba lephata la dikago, boranyane le boitseanape ba fa maphata a puso bogakolodi jwa dikitso gore ba ka aga jang dikago tsa bone fa ba batla go aga le boitseanape jwa ditlhaeletsano. Rre Molefhi o ne a tlhalosa gore lephata la gagwe le puso ba seegetse fa thoko madi a a tshwarang P15 million go abelwa banana bao ba ba tlaa bong ba na le dikgwebo tse di itebagantseng le tsa kago gore ba phadisanye ba kgone go itlhamela ditiro le go tlhamela ba bangwe ditiro. O ne a tlhalosa gore le fa go ntse jalo, maphata otlhe a puso le one a itlamile gore ba seegele fa thoko seelo sa ditiro tsa bone go ka di neela banana gore ba ba rotloetse. Le fa go ntse jalo, tona Molefhi o ne a tlhalosa gore lephata la gagwe le simolotse molao o ka one o tsileng go tlama boradikgwebo, boramaranyane, baagi, le bao ba ba kanokang dikago gore ba dira tiro ya bone sentle. A re batho ka bontsi ba setse ba tsaya gore madi a puso a motlhofo go ka bonala mme ba dire tiro e e loleya fela ba gabile go duelwa. O ne a tlhalosa gore mo ngwageng wa madi wa 2016/17 melao e meraro e ya go tlama botlhe b a ba amegang gore fa motho a sa dira tiro ya gagwe sentle a kgone go seka mme gape a bo a thibelwa go tlhola a bona tiro mo pusong. Rre Molefhi a re mo go tsile go rurifatsa gore botlhe ba dira tiro ya bone ka botswapelo le ka boammaaruri, a tlatsa ka gore boradikgwebo bangwe ba baya matshelo a batho mo kotsing ka go sa dire tiro sentle. E ne e rile go le pele modulasetilo wa ditlhabololo tsa Mahalapye Rre Mmoloki Ntapu a tlhalosa fa dikago tsa puso ka bontsi di sena tlhokomelo e e siameng mme tse dingwe di le disha mme di setse di senyegile. Rre Ntapu a re fa e sale puso e emisa tlhokomelo ya dikago go tswa kwa lephateng la tsa kago, dikago tsa puso ga di na tlhokomelo a a fa sekai ka kago ya ga mmakaseterata ya Mahalapye. One a itela mo go tona gore a dikago tse jaanong di fetogileng matlotla mo Mahalapye a di ka se neelwe mekgatlho ya banana le bomme go itshimololela ditirelo mo go yone ka di sa dirisiwe. BOKHUTLO
politics
7
Komiti ya Somerset Botlhaba e lebogela go agelwa diofisi
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana ya Somerset Botlhaba kwa Francistown, Rre Molaodi Maiketso a re ba lebogela kago ya diofisi tsa komiti ya bone. Diofisi tse ba di agetswe ke khansele ya Francistown ka fa tlase ga lenaneo la madi a ditlhabololo tsa dikgaolo tsa botlhophi. Rre Maiketso o ntshitse malebo ao mo potsolotsong le A re tumalano ya kago ya diofisi tse e ne e le ka lebaka la gore e le ba komiti e e eteletseng ditiro tsa ditlhabololo tsa kgaolo, ba ne ba sena lefelo le ba direlang ditiro le dithulaganyo tsa kgaolo mo go lone. A re komiti e direla ditiro tsa kgaolo jaaka diphuthego le phiro ya babereki ba Ipelegeng mo malwapeng, selo se a tlhalositseng fa se sa jese diwelang. Jaanong ka ba agetswe diofisi tsa dikamore tse pedi le matlwana a boitekitso a mabedi, Rre Maiketso a re di tsile go ba thusa go dira ditiro tsa bone ka manontlhotlho. Go sa le foo, o ne a tlhalosa gape fa ka madi a ba tlhabolola ditsela tse di mo kgaolong ka go di tsenya ditena, a bolela fa ba tlaa ipelafatsa ka ditlhabololo tseo. O bile a leboga thulaganyo ya madi a ditlhabololo tsa dikgaolo, a re e tsile ka nako e e maleba go thusa go dira dingwe tsa ditlhabololo tse di saletseng kwa morago. Rre Maiketso a re o leboga khansele ya Francistown go ba e tsweletse ka go tlhabolola mangwe a mafelo a toropo a a sa dirisiweng gore a tsene mo tirisong go na le gore a ije hela. O tlhalositse fa ditiro tse tsotlhe di diragadiwa sentle ka nako e di e beetsweng. A re di mo seemong sa go ka wediwa. Fa a mo kgwa dikgaba, motshwara madi, Rre Binikwa Thamani o tlhalositse fa se se molemo ka ditiro tsa ditlhabololo tsa dikgaolwana e le gore di dirwa ka tsela e e thusang go tlhabolola matshelo a banni ba kgaolo. “Gone fa re bua jaana tiro e e akareditse rakonteraka wa kgaolo ya Somerset Botlhaba e bile e thapa banni ba kgaolo e.” Rre Thamani a re go bo ditiro tsa bone di tsweletse sentle ke ka ntata ya tshwaragano le therisanyo e e nitameng gareng ga bone e le baeteledipele le banni ba kgaolo. O ne a tlhalosa fa sengwe le sengwe se le motlhofo go dirwa fa morafe o berekisanya sentle ka popagano le therisanyo le khansele. BOKHUTLO
politics
7
Makhanselara a intsha setlhabelo
E rile morago ga pulo semmuso ya mmolo wa maphatsi phatsi wa Mongala mo Kanye beke e e fetileng, makhanselara a kgaolo ya Borwa a nna le keletso e tona ya go bula dingwe tsa ditlhabololo tsa bone tse di ntseng di le teng di bereka mme di ise di bulwe semmuso. Ba boletse jalo mo bokhutlong ja phuthego ya khansele e e neng e kopane beke e e fetileng, Makhanselara a re, a batla go bula ntlo lohalahala ya bone (Tomela Chamber) e ba ntseng ba tsena diphuthego mo teng dingwaga tse tlhano tse di fetileng. Ba boletse fa ba batla go bula ntlo lohalahala eo ka boithaopo ja bone, puso e sa ntshe le fa e le thebe. Makhanselara ka bongwe ka bongwe ba ne ba solofetsa go ntsha diabe tsa bone, mme madi a a solofetsweng go tswa mo bangweng ba bone ke P42000. Dingwe gape tse di solofetsweng go ntshiwa di akaretsa; dikgomo di le supa, dipudi di ferabobedi, dinku tse tharo, dikhilokereme di le lekgolo le botlhano tsa nama ya koko le kgetsi ya dinawa. Mo teng ga madi a a solofetsweng go ntshiwa modulasetilo Rre Leach Tlhomelang o solofeditse go tswa P10 000, fa mothusi wa gagwe Lt.Col. Fairbridge Pule ene a solofeditse P5000. Dimpho tse tsotlhe di solofetswe go ntshiwa kgwedi ya Moranang e ya fifing, morago go rulaganngwe letsatsi la pulo. E rile fa a tswala khansele modulasetilo Rre Tlhomelang, a rotloetsa makhanselara go nna ba itlhatlhobela malwetse a a bofitlha jaaka ja madi a matona, sukiri le kankere, a bolela fa a le borai thata mo morafeng e bile a feditse batho go gaisa le jone ja AIDS. Rre Tlhomelang o ba rotloeditse gore ba etele dikokelo le fa ba sa lwale go bona gore a malwetsi a, ga ise a ba tsene ka gore ga a ke a itshupa motlhofo mo mothong. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Tsenang diphuthego tsa kgotla - Habangana
Kgosi Ngocha Habangana wa Mapoka kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba a re o tshwenngwa ke banni ba motse ba ba maoto a tshupa go tsena diphuthego tsa kgotla. Kgosi Habangana a re le ntswa go dirwa maiteko a go anamisa molaetsa ka diphuthego, bangwe ba tsweletse ka go itlhokomolosa seo. A re ke matlhabisa ditlhong ka jaana morafe o na le mokgwa wa go iponatsa kwa kgotleng fela fa go na le khiro ya Ipelegeng kgotsa go na le phuthego ya matona a puso. Kgosi Habangana a re batho ba tshwanetse go tlhaloganya fa go tsena diphuthego tsa kgotla go le botlhokwa, ka e le gone kwa ba utlwang le go abelana megopolo tebang ka ditlhabololo tsa motse. Le fa gontse jalo, Kgosi Habangana a re ba mo lenaneong la go simolodisa thulaganyo ya gore go hirelwe Ipelegeng kwa dikgotlaneng, mme go tlaa dirwa jalo go sena go sekasekwa ka fa ba tsayang karolo mo ditirong tsa motse ka teng, go akarediwa le gone go tsena diphuthego tsa kgotla. A re mo godimo ga moo, ba mo thulaganyong gape ya gore e re pele ba neela ope yo o kopang thuso fa kgotleng ya motse, ba bo ba sekaseka pele mo dibukeng tsa bone go tlhomamisa gore a motho wa go nna jalo o tsena diphuthego tsa kgotla. Tebang le ditlhabololo tsa motse, Kgosi Habangana a re le fa ditlhabololo di tla ka go rotha, o itumedisiwa ke go bo ditiro dingwe di tsweletse ka go diragadiwa. O supile fa kago ya leobo la kgotla le le agiwang ka madi a ditlhabololo a a abelwang dikgaolo e tsweletse sentle mme e bile a na le tshepo ya gore e tlaa bo weditswe mo nakong e e sa fediseng pelo. A re dingwe tsa ditlhabololo tse ba di solofetseng kwa motseng wa bone ke go agiwa ga matlo a LA2 a le mabedi le satellite police. Kgosi Habangana a re go agiwa ga matlo ao, go tlaa fokotsa letlhoko la boroko jwa badirela puso, jo a boletseng fa e le nngwe ya dikgwetlho tse di sa ba jeseng diwelang kwa motseng oo. O tlhalositse fa seemo seo se ama bogolo jang baoki, ka jaana ba felela ba tlamega go theogela ba tswa kgakala le kwa kokelong mme e bile mongwe wa bone a theogela a tswa Francistown, a re seo ga se a ema banni sentle fa ba na le diemo tsa tshoganetso bosigo. Kgosi o tsweletse ka go kopa khansele go tsholetsa dinao, go netefatsa gore e isa didirisiwa ntle le tiego epe le go tlhomamisa gore ditiro di wediwa ka nako. Kgosi Habangana o boletse fa a itumelela go bo mananeo a nyeletso lehuma a goroga kwa motseng wa bone, le fa a le sebete se molangwana tebang le banni bangwe ba ba nang le mokgwa wa go sa tlhokomeleng tse ba thusiwang ka tsone. A re go a tshwenya ka jaana bangwe ba felela ba phuaganya mananeo a bone mme boemong jwa moo, ba bo ba ikanya lenaneo la Ipelegeng.
politics
7
Basamarea ba ba molemo ba thusa bagodi
Basamarea ba ba molemo ebong bomme Justinah Motshidisi le Charity Hiscox wa Thapelong Empowerment Centre, ba ithaopetse go fepa bagodi ba Bokaa ka dijo fa ba ile go amogela madi a bogodi. Mme Motshidisi a re o ne a gwetlhwa ke gore bagodi ke batho ba makoa a a tshwanang le bolwetse ba sukiri mme ba tlhola kwa posong mo meleng e meleele ba emetse go amogela ba bo ba felela ba tshwarwa ke tlala le go sa fetseng se ba se etseng. A re ba simolotse go dira tiro e ya go abela bagodi dijo Tlhakole a rogwa mme ga ba thuse bagodi fela, ba thusa le batsadi mo malwapeng ba ba nnang ba sena batlhokomedi ka go ba fa dijo ka Mosupologo le Labotlhano. O ne a tlhalosa fa a sa bolo go eletsa go bereka le bagodi mme janong se e le sebaka sa go bereka le bone le go ba ikatumetsa gore a tle a kgone go itse matlhoki a bone. Mme Motshidisi a re ga ba thuse banni ba Bokaa fela, a tlatsa ka go re ba thusa bagodi ba metse e mengwe jaaka ya Morwa, Rasesa, Pilane le Mochudi. A re o eletsa go bona ba godile ba na le lefelo le go nnang bagodi fa ba ka ba tlhokomelang sentle teng. Mme Hiscox a re o bone go tshwanela go itshwaraganya le Mme Motshidisi go thusa bagodi ka a bone tshokolo e bagodi ba nang le yone fa ba ile go amogela. A re go na le bagodi ba ba nnang ba le nosi fa ba bangwe ba sa kgone go itirela se ba ka se jang. Mme Hiscox o ne a kopa dithuso mo makalaneng a a ikemetseng go ba thusa ka tse ba ka di kgonang go isa ditlamelo kwa bagoding. O ne a iteela legofi marekisetso a Woolworths, a ba lebogela go bo e le bone ba ba fang dijo go apeela bagodi. Motshwarelela mogolwane wa Poso ya Bokaa, Mme Tumisang Bareetseng, o iteetse Mme Motshidisi le Mme Hiscox legofi ka tiro e ntle e ba e dirang ka se se dira gore bagodi ba seka ba fela pelo go thusiwa ka ditlamelo tsa poso. A re o itemogetse fa Batswana ba se maoto a tshupa mme ka jalo o ne a gwetlha Batswana ba bangwe go thusa ka fa ba ka thusang ka teng. O ne a digela ka go re go thusa bagodi ke letlhogonolo, ka jalo ba tlaa bona matlhogonolo le katlego mo tirong e ntle e ba e dirang. Mme Khumoetsile Ramorwa yo e leng mongwe wa bagodi ba ba neng ba abelwa dijo o ne a tlhalosa fa thuso e e ba solegela molemo ka ba sa ngongorege ka tlala fa ba santse ba emetse go thusiwa. Mme Ramorwa a re ba ntse ba phakelela kwa posong go tsaya dikatso ba sa ja mme se se thusa go tshwara legaba e bile se ba itumedisa thata e le bagolo go bona bana ba ba tlhokometse. BOKHUTLO
society
9
Thuto boswa ga e sekwe - Autlwetse
Mopalametse wa Serowe bokone Rre Kgotla Autlwetse o kopile batsadi go isa bana kwa dikolong ka puso e simolodisitse dithuto tsa bone mo dikolong tse dipotlana. Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Mabeleapodi bosheng, o tlhalositse fa tshimolodiso ya dithuto tse e le ka ntlha ya gore e rile mo tekeletsong ga lemogwa fa bana ba dira sentle thata fa ba simolotse ka dithuto tse, ebile fa ngwana a ya kwa lokwalong la ntlha o a bo a setse a kgona go tlhaloganya tse a di rutwang. Rre Autlwetse, yo a tlhalositseng fa puso e beile botshelo jwa lefatshe leno mo di-tswa mmung fela,o supile fa gole bothokwa go ruta Batswana, ka di-tswa mmung di ka nna tsa fela. A re fa bana ba rutwa tiro ya diatla kwa tshimologong ya dithuto tsa bone go tlaa nna molemo ka fa ba fatlhoga ba tlaa itlhophela sekole se ba batlang go tswelela ka sone. A re ditiro tse tsotlhe di batla madi go tsweledisiwa seo ga se dirwe letsatsi le le lengwe fela. E rile ba akgela, banni bangwe ba Mabeleapodi ba kopa gore a Batswana ba batlelwe mmaraka fa ba sena go fiwa mananeo le one mananeo a salwe morago go bona gore a dirisiwa sentle. Banana bangwe ba kopile puso go ba direla lefelo la itloso-bodutu ka seo se ka thusa go ba ntsha mo ditirong tsa botlhoka tsebe, ka go tlaa bo go na le mabala a metshameko a a farologanyeng. Mongwe monana o rile kgang ya go boelela thuto e siame mme e borai mo baithuting ba ba botlana ka bomogoloabone ba tsile go ba kgokgontsha. Ba ne ba kopa gore kgaolo ya Paje/Mabeleapodi e kgaoganngwe. Ba thuto-ga-e-golelwe ba re ba tlhoka ditlamelo, bangwe ba kopile gore ba direla puso ba rotloediwe go reka mo go bone ba ba dirileng ditiro tsa diatla. Ba kopile mapodisi a nakwana mo motseng wa bone. Mme Kgoreletso Bikitshanawa boipelego o tlhaloseditse banana gore fa ba kile ba fiwa madi ba le setlhopha ba kgona go fiwa le ba ikemetse. Ba metsi ba kopile maitshwarelo gotlhoka go itsise morafe fa go na le thaelo ya metse, morafe o ne o ngongoregile gore fa metsi a seyo ga ba itsisiwe mme fa go batliwa dituelo ba a itsisiwe. Ba tlhalositse fa ba sielwa metsi ke didiba tsa ba motlakase ka metsi a tlhaela e le ka ditanka tse di teng di le dinnye mme ba tla okelediwa tanka. Ba kopile morafe go tlhokomela diphaephe tse ba gang metsi mo go tsone ka di sa somarelwe mme di senyega kgapetsakgaptsa. Mopalamente o ne a tsibogela dikgang dingwe tsa morafe a re gore motse o nne le mokhanselara ke fa morafe o le 5000 mme metse eo ga e ise e lekane. O kopile banana go tsaya thuto ka tlhwaafalo ba seka ba akanya gore fa ba boeleladithuto le ba ba botana ba tla tshegiwa a re yo o botlhale ga a a se tshege yo mongwe. O ba kopile go re fa ba dira dikgwebo e bo ele tse di ka rekisiwang le kwa metseng e mengwe. A re mae le nama ya koko di tlhoka go dirwa le mashi ka a ka ntsha kgwebo e e mofuta montsi. Mokhanselara wa Paje/Mabeleapodi mme Atsenye Kabelo o kgotlhaditse banana go supa kgatlhego mo go tse ba di itseng a re go lemosega fa ditlhong e le one mmaba mo bananeng mme ba tshwanetse go tsaya mananeo a ditoro tsa bone a kopa gore ba ipapatse. BOKHUTLO
education
4
‘Puso e itlamile go tlhabolola Batswana’
Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tsireletso a re puso e itlamile go itebaganya le dikgang tsotlhe tsa go tlhabolola maotshelo a Batswana. Mme Tshireletso o buile jaana bosheng mo phuthegong ya kgotla kwa Medie, a tlhalosa fa maiteko a tlaa dirwa go oketsa dipalo tsa badiri ba Ipelegeng ka lephata la temo-thuo le tlhalositse fa ngwaga ono e le wa leuba. O gakolotse gore puso gape e tlaa tokafatsa seemo sa dijo kwa dikoleng tse di potlana, gore ban aba je gabedi ka letsatsi. A re ele maiteko a go tlhabolola dikgwebo tse dipotlana mo metseng ya magae, dikgwebo tse di potlana di tshwanela go fiwa sebaka sa go ntsha dijo ka mananeo a tshwana a go fa batlhoki le bana ba dikhutshana. Mo go tse dingwe o gakolotse batsadi ka molao wa kgodiso ya bana wa 2009, a tlhalosa fa bana ba tlhoka tlhokomelo ya batsadi boo babedi. O kgothaditse batsadi, bogolo thata bommangwana gore ba seka ba kgoreletsa borre go tsaya boikarabelo mo kgodisong ya bana ba bone. Go ne ga tlhaloswa fa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) e tshwenngwa ke sekoloto sa madi a a fetang P8 000 sa badirela puso ba ba ikgatholosang tumalano ya go duela boroko jwa matlo a VDC. Morafe o ne wa lebogela puso maiteko le mananeo a tshwana le Ipelegeng, nyeletso lehuma le a mangwe, ba re a thusa go tlhabolola matshelo a banni ba magae, le ntswa a le bonya go diragadiwa. Le fa go ntse jalo, Mme Tshireletso o gakolotse komiti gore e na le tshwanelo ya go ka sekisiwa le go sekisa, mme ka jalo ba ka tsaya dikgato tsa semololao go seka dikoloto tsa matlo a VDC. BOKHUTLO
politics
7
Banana ba BDP ba tlhopha komiti ya kgaolo
E ne yare kgwedi eno e le lesome le botlhano, banana ba phathi e e busang ya Botswana Democratic Party (BDP) ba kgaolo ya botlhophi ya Tati Bophirima ba bo ba kokoane kwa Masunga go tlhopha komiti ya banana mo kgaolong eo. Mo ditlhophong tseo, Rre Jenamiso Jerry o ne a tlhophiwa modulasetilo wa komiti, a fenya Rre Bose Sethupa ka batlhophi ba le masome a mane le borataro kgatlhanong le ba le masome a mararo. Maemo a mothusa modulasetilo a ne a gapiwa ke Mme Veronica Boitshwarelo, a sena go tlhophiwa ke batlhophi ba le masome a mabedi le bosupa, a fenya ba a neng a gaisana le bone ebong Bomme Keitumetse Nkoshwane le Ketugetswe Robby, ba bone ba boneng batlhophi ba le masome a mabedi le boraro le masome a mabedi le motso ka go latelelana. Rre Edwin Kgosiemang o ne a tlhophiwa go nna mokwaledi wa komiti fa Rre Ofentse Kavisa ene a tlhophilwe go nna mothusa mokwaledi. Maemo a motshwara madi wa komiti le mothusi wa gagwe, a ne a tsewa ke Rre Bose Sethupa le Mme Keitumetse Nkoshwane ka go latelelana ga bone, ba sena baganetsi. Go ne ga tlhophiwa le maloko tlaleletso a komiti a le lesome le bobedi. Fa a ema komiti pele ka lefoko,monana wa phathi mo kgaolong Rre Simon Moabi, yo gape e leng leloko la komiti kgolo ya khuduthamaga ya banana , e bile e le ene yo o neng a tsaimaisa ditlhopho , o ne a gwetlha komiti go tsaya boikarabelo jwa go bereka ba lomile molomo wa tlase, a re gape ba tshwanetse ba dira jalo go baakanyetsa ditlhopho tsa monongwaga. Rre Moabi o kopile banana ba Domkraga go dirisa komiti eo, ka go dira le yone, ba e bontsha diphoso le go e gakolola fa go tlhokafalang teng, a tlhalosa fa komiti e ka tiya ka bone. E ne e rile go le pele, Rre Moabi a gakolola kokoano eo go tlhopa maloko a komiti a a nang le boleng, e bile a ikemiseditse go direla phathi ka botswapelo go e isa kwa mankalankaleng. O ne a ba itsese gape fa komiti e tla bo e lebanwe ke mokgweleo wa go baakanyetsa bokopano jwa monongwaga jwa banana ba Domkraga lefatshe leno ka bophara, jo bo tla tshwarelwang mo Masunga go simolola kgwedi ya Motsheganong e le masome a mabedi le boferabongwe. Rre Moabi a re puso ya BDP e itlamile go tlhabolola batho ba lefatshe leno, a re seo se supiwa ke mananeo a dithuso ka go farologana ga one, a a diretsweng gore Batswana ba a dirise go tokafatsa matshelo a bone, ka jalo a gwetlha bakaulengwe ba gagwe go dirisa mananeo ao go tlhabolola matshelo a bone le go tlhamela Batswana ba bangwe mebereko. E rile a ntsha la gagwe morago ga tlhopho, Rre Jerry a solofetsa MaDomkraga a kgaolo ya Tati Bophirima gore o tla dira gotlhe mo a ka go kgonang go netefatsa gore ditsholofelo mo go ba ba mo tlhophileng e nna tsone. A re maikaelelo a gagwe a magolo ke go bona phathi ya BDP e gapile dikgaolwana tsotlhe tsa Tati Bophirima, go balelwa tsa Zwenshambe le Kalakamati, tse mo nakong eno di leng mo diatleng tsa kganetso. Bokhutlo
politics
7
Banana ba Kasi ba supa lorato
Banana ba mokgatlho wa Bana ba Kasi ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume, ba abetse Mme Wabo Chitema dijo le melora e e tlhapang le e e tlhatswang tse tsotlhe di lopileng madi a a kana ka P900 le diaparo tsa bana. E rile fa a aba dimpho,modulasetilo wa mokgatlho oo,Rre Tumelo Ntakwa a tlhalosa fa mokgatlho oo ba o bopile morago ga go lemoga fa banana ba tsaya nako e ntsi ba inaakatse le nnotagi le go dira ditiro tsa botlhoka tsebe. Rre Ntakhwa a re maikaelelo a bone e ne e le go aga banana go ba ntsha mo ditirong tseo tsa botlhoka tsebe go ba tlogedisa go nwa bojalwa le go tla ka megopolo e e tlaa lekang go nyeletsa boitsholo joo mme ba dire sengwe mo motseng se se tlaa tswelang setshaba mosola. O ile a tlhalosa fa gape moono wa mokgatlho oo e le go thusana le puso fa ba ka kgonang teng jaaka go phepafatsa tikologo le go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. A re mokgatlho wa bone ga o na dipoelo ka jalo ba nna ba kopa dithuso le dikgakololo mo bathong go leka go fitlhelela maikaelelo le moono wa bone wa go thusa setshaba. O kopile batsadi go rotloetsa bana ba bone go tsena mo mokgatlhong oo,a bolela fa mokgatlho oo o simolotse ngogola ka kgwedi ya Phalane e bile ke mokgatlho o o kwadisitsweng ka fa molaong. O tsweletse a supa fa e le lantlha ba simolola go aba,mme ba tlaa nna ba tswelela ba aba le go oka banana go tswa mo dinotaging le go tsamaya mo dikoleng ba a fa bogakolodi. Mokhanselara wa Tutume borwa,Rre Morris Keaketswe o ne a leboga tiro e ntle e e dirilweng ke banana bao,a re puso e na le mananeo a le mantsi a a itebagantseng le banana jaaka la YDF go tlhabolola matshelo a bone. Kgosi Mpilo Magapatona le ene o ne a lebogela banana bao tiro e ntle e ba e dirileng. Kgosi Magapatona a re batho ga ba tshele sentle ka borukutlhi jo bo diragalang mo motseng bogolo jang bo dirwa ke banana. O ba akgotse,a re se ba se dirang se tlaa fetola banana ba le bantsi fa ba ka tswelela jalo ka mowa o le mongwe. Fa a amogela dimpho tseo,Mme Chitema o ne a bolela fa banana bao ba arabile selelo sa gagwe,a tlhalosa fa botshelo bo le thata mo go ene mo a setseng a itshopere fela a sena se a nang naso ka a ne a kgona go rekisa dilwana tsa gagwe gore a kgone go rekela bana se se isiwang kwa maleng. O lebogetse lerato le batho ba kgotla ya Magapatona ba le supileng mo go ene le banana ba mokgatlho wa Bana ba Kasi .
society
9
Jubilee o itshetsa ka go suga matlalo
Mme Ogopotse Jubilee yo o dingwaga tse di masome matlhano le bobedi ke mongwe wa ba ba sa iponeng tsapa go ka tsholetsa serodumo sa mowa wa boipelego se e leng nngwe tsela ya go itlhotlhora manokonoko a lehuma. O itshetsa ka go suga matlalo a dipudi mme morago a roke diphate ka one. E re ntswa tiro e ya tshugo ya matlalo e tlwaelesegile e dirwa ke borre gape e le bokete, ene o e dira go se letsapa le le mo fisang pelo. Bontsi jwa batho ba ne ba etela motlaagana wa gagwe gangwe le gape kwa ditshupong tsa bomme tsa lephata la bong mo Francistown ka mafelo a beke, mme ba ne ba sa kgale go mo akgolela bontle jo a bo dirang. Bangwe ba ne ba tshwarwa ke kgakge, bangwe ba le pelo di thata go ka dumela gore dithoto tsa boleng jo bo kgatlhisang ke matsogo a motho wa mme e bile a setse a le mo dingwageng tse di kwa godimo. Mme Jubilee a re bokgabane le botswerere jo a bo dirang ka nako tsotlhe a le mo tirong ya gagwe ke tsone di mo thusang go gapa maikutlo a bareki, se gape se mo thuse go dira dipoelo tse di kgatlhisang. O bile a re botsipa jwa go betla o bo tsaya mo go Rraagwe mogolo, mme gape dithuto tse a di amogetseng kwa Impala gaufi le Francistown tebang le tshugo ya matlalo ke tsone di mo thusang go beta pelo a tswelela a dira le dikgwetlho di tlhagoga. A re e re ntswa a santse a letile dithuso tsa nyeletso lehuma, morago ga dithuto tsa gagwe ga aka a iphutlha matsogo fela, o tsweletse a dira maano a gore a simolole kgwebo e ka ditshenyegelo tsa gagwe. O boletse gore mo nakong eno o suga matlalo ka go a baya lobaka mo metsing mme morago a a suge fela a dirisa diatla tsa gagwe. Mme Jubilee o tiile mooko e bile o tlhaloganya sentle gore dithuso tse a di letileng di tla fitlhela a tlhagotse, mme seo se mo fe sebaka sa go ka godisa kgwebo ya gagwe. A re se sengwe gape se se mo nametsang ke gore o santse a remeletse fela mo matlalong a dipodi, mme tiro ga e nne kalo ka jaana bophara jwa letlalo la podi bo se kalo fa go tshwantshanngwa le la kgomo. Mme Jubilee a re e re ntswa a direla mo lapeng, ga a galale sepe, tota se se mo thusa go menaganye go boloka ditshenyegelo tsa go duela phiriso le tse dingwe. O bile a re se se kgatlhisang ke gore bontsi jwa bareki ba gagwe ba latela dithoto tsa bone kwa ga gagwe, se se mo thuse gape go fema ditshenyegelo tsa go rwala dithoto. Mme Jubilee a re e re ntswa ditiro tsa diatla ka go farologana di na le bokgoni jwa go tlodisa melatswana, se se utlwisang botlhoko ke gore bangwe ba santse ba di tseela ko tlase. BOPA
economy_business_and_finance
3
Gasemodimo ga a ipone tsapa
lick to see more pictures Mme Tsholofelo Gasemodimo, yo o dingwaga di masome a mane le botlhano, ke mongwe yo batho ba ba simololang dikgwebo ba ka tsayang malebela mo go ene. Mme Gasemodimo, yo dirileng lekwalo la botlhano kwa sekolong se segolwane sa Mater Spei a ba a dira dithuto tsa dikhomputara kwa mmadikole le tsa go dupa dibuka kwa Ministers Fraternal Commercial School, o na le kgwebo ya go roka, ya go apaya le semausu. A re e ne ya re a sena go tlogela tiro kwa a neng a dira teng a seka a rwala diatla mo tlhogong mme a batla maano a mangwe a itshetso. A re o diretse kwa marekisetsong ka go farologana jaaka Sun International, CB Stores le Jet a dira tiro ya go duedisa, mme a tlogela ka a ne a batla go direla kwa legaeng kwa Dimajwe. E rile ka ngwaga wa 2013, Mme Gasemodimo a bula kgwebo ya dijo le tse dingwe tse di tlhokwang mo malwapeng letsatsi le letsatsi. Ka nako eo, o ne a direla mo dikagong tse e seng tsa gagwe. E ne ya re ka ngwaga wa 2016, a aga semausu mo lwapeng la gagwe. A re e ne yare a ntse a tsweletse a lemoga fa dipoelo tsa semausu di sa lekane, mme yare ka ngwaga wa 2017 a thapiwa go rokela bana ba sekole se sebotlana sa Dimajwe paka ya sekole. E re le ntswa a ne a sena metshine e e rokang, Mme Gasemodimo o ne a ya go adima kwa mongweng mme a kgona go rokela baithuti paka ya sekole tiro e mo nakong eno a santseng a e tshwere. Mo nakong eno o roka sengwe le sengwe se a lopiwang go se roka ebile o kgona go fokotsa diaparo, go baya dibata mo diaparong le gone go roka dithiba molomo le dinko. Keletso ya ga Mme Gasemodimo ke gore a ithekele metshine e e rokang. A re ipapatso mo kgwebong ke selo se se botlhokwa fela thata ka jalo a aga a ipapatsa kwa Palapye le Mahalapye. A re fa go na le meletlo e metona jaaka ya moopelo bogolo jang kwa Serowe le metse e e mabapi ga a ke a ipona tsapa mme o kgona go apaya a ba a rekisa dijo teng. A re e re le ntswa dikgwetlho tsa gagwe di ntse di tsweletse sentle go sena makgwere ape, go tlhagoga ga bolwetse jwa corona go amile ka fa a ntseng a dira letseno ka teng. Le fa go ntse jalo, Mme Gasemodimo o gomodiwa ke tshwetso ya puso ya go tswelela e bulela dikgwebo ka go farologana, selo se a reng se tsisa tsholofelo mo bagwebing gore seemose se tla boela meriting. A re mo nakong eno o kgonne go itirela go le gontsi ka a tsentse motlakase ebile a simolotse kago ya ntlo ya gagwe e e nang le dikamore tsa borobalo di le pedi. O ne a rotloetsa botlhe ba ba nang le keletso ya go simolola dikgwebo go nna pelo telele le gone go sekaseka pele ga ba bula dikgwebo.
economy_business_and_finance
3
Kgolo ya sekaka e ka bifisa lehuma
Go gola ga dikaka go kailwe go tswenya thata ka jaana go fokotsa lefatshe le le siametseng go ka dirisiwa ke batho go itshetsa. Se se builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima Rre Biggie Butale kwa letsatsing la mafatshefatshe ya go lwantsha bosekaka le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa Mapoka ka Laboraro (17/06/2015). Rre Butale, yo o neng a bua mo boemong jwa tona wa lephata la tikologo, diphologolo le Bojanala Rre Tshekedi Khama, o tlhalositse fa selekano sa lesome le botlhano mo lekgolong sa lefatshe la Botswana se amilwe ke bosekaka, mme se se tshwenya thata ka jaana se amile matshelo a batho ba ba tshelelang mo mafelong a a amegileng. A re ka go setse go supagetse fa dikaka di tsweletse ka go gola, maiteko a go lwantsha kgolo ya tsone a tshwanetse le one a nonotshiwa gore a tle a kgone go itepatepanya le seemo se se sa eletsegeng se. O ne a kaa fa bosekaka bo ama matshelo a batho ka a ikaegile ka tikologo; a supa fa go gola ga dikaka go raa gore batho ga ba kgone go tswelela ba akola sebaka sa go dirisa tikologo ya bone go itshetsa ka ditiro di tshwana le go epa ditswa-mmung, go lema le go rua ga mmogo le go inaakanya le ditiro tsa bojanala. Mopalamente Butale o ne a supa fa go le botlhokwa gore go emelwe ka dinao maiteko a go dibela kgotlhego ya tikologo gore e tle e sologele molemo dikokomane tse di tlang. A re ditiro tsa batho tse di nang le seabe mo go swafatseng tikologo di tshwana le go baa leruo le le palo ntsi mo lefelong le le lengwe di tshwanetse tsa emisiwa, se e le tsela nngwe ya go fa tikologo sebaka sa go ka intshafatsa. Fa a bua mo boemong jwa komiti e e okametseng tlhokomelo tikologo kwa motseng wa Mapoka Rre Rapelang Kealotswe o ne a tlhalosa fa mo motseng wa bone ba dirile maiteko a go lwantsha kgotlhego ya lefatshe. A re tiro eo ya bone e e simolotseng ka ngwaga wa 2010 ka thuso ya madi ya lekalana la tshomarelo tikologo la Forest Conservation Botswana e ntse e tsweletse le mo nakong eno; mme ka yone ba setse ba kgonne go agelela sekidi sa lefatshe mo motseng se se neng se tletse dikhuti le melatswana mme se sa tlhole se le mo maemong a sone a tlholego. Rre Kealotswe a re ba lemile ditlhare tsa mefuta e e farologanyeng kwa lefelong leo ba bo ba dira dikganedi ka matlapa go fokotsa lobelo le ka lone metsi a neng a elela mo melatswaneng eo. Tse tsotlhe o tlhalositse fa ba ne ba di dira go dibela mmu o o mo lefelong leo go tswelela o gogoulwa ke metsi fa dipula di na. A re maikaelelo ke gore lefelo leo, le batsena-tiro eo ba neng bay a go le bontshiwa le tsoge le direla motse wa gaabo madi fa le sena go tla mo seemo sa go ka tshegetsa ditiro tse di farologanyeng di tshwana le manyalo le mediro e mengwe. Fa a bua ka se bone ba se dirang kwa motseng wa bone, Rre Never Lenyatso wa motse wa Nlapkhwane o ne a supa fa le bone ba gatetse pele ka maiteko a go baakanya lefatshe le le amilweng ke kgotlhego ya tikologo. A re le bone ba kgonne go agelela sekidi sa lefatshe se ba neng ba lemoga fa se amegile thata, ba bo ba bolotsa letsholo go ruta morafe wa motse oo ka botlhokwa jwa go somarela tikologo. A re tse dingwe tse ba di dirileng kwa lefelong leo e nnile go phunya sediba, go lema ditlhare ga mmogo le go simolola projeke ya thuo ya dinotshi. Rre Lenyatso a re ba kgonne tsotlhe tse ba di dirileng ka dithuso tsa madi go tswa kwa makalaneng a akaretsa la Global Environment Facility le la Forest Conservation Botswana. E ne e rile go le pele a amogela baeng, Kgosi Ngocha Habangana wa motse wa Mapoka a iteela legofi maiteko a a dirilweng a go baakanya lefatshe le le gotlhegileng kwa Mapoka le Nlapkhwane. A re fa maiteko a go nna jaana a ka tswelela, e tlare isago tikologo e bo e le mo maemong a mantle thata. BOKHUTLO
politics
7
Komiti ya ditlhabololo e tlhoka boineelo
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgotlana ya Ramokgatla kwa Serowe, Rre Mothoagae Mothoagae a re bodiredi jwa komiti bo tlhoka boineelo. O boletse mo potsolotsong gore komiti ya ditlhabololo tsa motse ke palamente ya motse, ka jalo e tshwanetse go tlotlwa. A re o tshwenngwa ke gore mangwe a maloko a komiti eo ga a supe boineelo mo tirong, ka a sa tle ka nako mo tirong le go tlhoka go tla diphutegong tsa kgotla, a tlatsa ka gore seemo se ga se supe boikarabelo jwa go direla setshaba. A re tlhopho ya komiti e, e mosola fela thata, ka jalo e tshwanetse go dirwa go setswe ditsela dingwe tsa go netefatsa fa bodiredi bo tsepame go etelela komiti pele. Rre Mothoagae a re bokgoni jwa go bala le go kwala le dithuto dingwe tse di tlhokegang, di ka tlhomamisa gore boeteledipele e nna jwa maemo a ntlha le go dira sentle ga komiti. Le fa go ntse, Rre Mothoagae, yo a leng mosha mo maemong a bodulasetilo, a re o ikaelela go netefatsa gore kgotla ya bone e itlhoma kwa pele mo ditlhabololong le go dirisana le morafe sentle. Mo go tse dingwe, o boletse fa lenaneo la Ipelegeng le rotloetsa banana go tlogela dikole, ntswa le tlhametswe bagolo go itshetsa ka lone. Modulasetilo o tsweletse ka go tlhalosa fa banana ba sa dire sentle mo ditirelong tsa lenaneo la Ipelegeng ka ba bereka ka go salwa morago e bile ba le boitseme mo tirong. O kopile banana gore ba lese go inaakanya le Ipelegeng ka ba sa ntse ba na le tshiamelo ya mananeo a mangwe a puso, go balelwa le la go boela kwa sekoleng ka gore dingwaga tsa bone di sa ntse di le kwa tlase. Rre Mothoagae a re ba eletsa gore Ipelegeng e ka tlhamelwa ditiro tse di ka dirang dipoelo jaaka go rekisa ditena. BOKHUTLO
politics
7
Phokoje go tshela yo o dithetsenyana
Mme Lesedi Maruatona wa kgwebo ya go tlhatswa diaparo kwa Bobonong a re mowa wa boipelego ke tsela nngwe ya go intsha mo lehumeng le go imolola puso morwalo. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Maruatona wa kgwebo e e itsegeng ka leina la Lesedi Laundry, a re o simolotse kgwebo e ka 2014. A re o ne a dirisa madi a a neng a a kokoantse. Mme Maruatona a re pele ga a simolola kgwebo ya go tlhatswa diaparo o ne a lemogile gore kgwebo e, e a tlhaela mo Bobonong ka e bile e le motse o motona o o tlhabologang. O kaile fa go ipelega go mo tswetse mosola ka gore o kgona go tshetsa ba lelwapa la gagwe. A re kgwebo ya gagwe ga e na ditshenyegelo tse dintsi jaaka go duela bonno, metsi le motlakase ka a direla mo lwapeng. Mme Maruatona o tlhalositse fa go ipapatsa mo bathong le mo madirelong ka go farologana go mo thusitse. A re kgwebo ya gagwe e dira sentle fa kgwedi e fedile. A re kgaogo ya motlakase kgapetsakgapetsa mo Bobonong ke nngwe ya dikgoreletsi tse a kopang le tsone. BOPA
economy_business_and_finance
3
Maruping go a boelwa - Kgosi Toto
Kgosi David Toto II wa Tsabong o rotloetsa bana ba sekole se sebotlana sa Nhake kwa Tsabong go itsetsepela ka ngwao ya bone gore e seka ya nyelediwa ke ditlhabologo tsa segompieno, jaaka go setse go supafala. O buile jaana bosheng ka letsatsi la go tsosolosa ngwao kwa sekoleng seo. Kgosi Toto II o ne a rotloetsa bana ba sekole seo gore ba tsee malebela mo merafeng ya mafatshe a sele e e santseng e ngaparetse e bile ikgantsha ka dingwao tsa yone. O ne a supa fa letsatsi leo le le botlhokwa ka e le go rutana, go abelana le go gakololana, go boloka le go somarela ngwao gore e seka ya nyelela. Sebui sa tlotla se ne sa re ntswa dingwao tsa merafe e e mo Kgalagadi Borwa di farologana se se itumedisang ke ka fa ba tshelang mmogo ka teng e bile ba tlotla le go tlotlomatsa dingwao tsa bone go sena yo o nyenyafatsang tsa ba bangwe. A re selo se, se supega thata ka fa ba kgatlhegelang go ithuta diteme tsa ba bangwe le gone go nyalana e le merafe e e farologanyeng. Kgosi Toto II, yo e bileng e le moemedi wa Kgalagadi Borwa kwa ntlong ya dikgosi o boletse fa merafe e e mo motseng wa gagwe e akaretsa Batlhware, Baherero, Bangologa, Makhalate, Manama, Barolong, Bakgatla le Batlhaping ba ba tswang kgakala ba tshwaraganye le gone go bopagana go rena kagiso. Kgosi o ne a re kagiso le tlotlo e e renang mo motseng wa gagwe e kaya kagiso e lefatshe la Batswana le itsegeng ka yone go tswa bogologolong. O ne a re Batswana ba tswa goo-lowe ka mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato ka ba ne ba thusa le go tlhokomelana fa go tlhokafalang teng ka go ne go sena ngwana yo o neng a ka lala ka tlala le fa batsadi ba gagwe ba tlhokile lesego mo botshelong. Mogolwane go tswa lephateng la thuto go tswa kwa moding kwa Kgalagadi, Mme Pancy Mphinyane-Muzondiwa o ne a kgothatsa batsadi go ruta bana ngwao ka e le mosola mo kgodisong ya bone gore mo isagong ba nne batsadi ba ba nang le tlotlo le botho jo bo eletsegang. O ne a re barutabana ba bone fa go le maleba go tshwara letsatsi le ka e le nngwe ya dithuto tse ba di rutwang mo sekoleng. Mme Mphinyane-Muzondiwa o ne a gatelela thata setlhogo sa letsatsi leo sa Maruping go a Boelwa, go sa Boelweng ke Maleng, a supa fa batsadi ba tshwanetse go boela morago ba itshekatsheka gore ba tsenye bana mo tseleng ka go ba ruta le go tsosolosa ngwao e e ka felelang e nyelela. O ne a tlhalosa fa go na le merafe e e farologanyeng mo lefatsheng leno, mme ba ka supa dingwao tse di farologanyeng ka moopelo, puo, kapari, poko le dijo tsa Setswana ba di bona le go utlwa tatso ya tsone gareng ga tse dingwe. Mme Bame Bogatsu o ne a re moono wa letsatsi leo ke go tsosolosa ngwao le go lemoga botlhokwa jwa yone gore bana ba seka ba e latlha. O ne a re ba supegetsa bana gore ntswa merafe e farologanye, ba kgona go tshela mmogo ba bopaganye. E re ka letsatsi leo e ne e le la go ruta bana ngwao, Rre Kabelo Coetzee o ne a tlhalosa ka bophara ka ngwao ya Manama, ba a tlhalositseng fa ba tlholega kwa Namibia mme ba tsile mo Botswana ka nako ya dintwa tsa bone le Majeremane. Rre Coetzee o ne a supa fa morafe wa Manama o bonwa kwa Tsabong le Lokgwabe le mo kgaolong ya Gantsi mme ba tlotla thata ngwao ya bone ka kapari, mmino wa Nama Staap le teme ya bone. Fa a tlhalosa ka kapari ya bone o ne a supa e le mebala e e farologanyeng go ya ka magosi a bone le gore kapari ya bone e e dibatabata ke sesupo sa diaparo tsa bone tse di neng di gagolwa ke ditlhare ka nako ya ntwa ba tshaba Majeremane. Fa a bua ka ngwao ya Baherero, Rre Thapelo Kapeko o ne a tlhalosa fa le bone ba ne ba tshaba ntwa ya Majeremane mme ba tshabela mo Botswana mo dikgaolong tse di farologanyeng. Rre Kapeko o ne a supa fa morafe wa Baherero o tlotla thata ngwao ka kapari, puo ya Seherero le gore bone ke barui ba dikgomo mme bomme e le bone ba ba gamang dikgomo fa borre e le bone ba disang dikgomo. Dijo tsa bone di akaretsa nama, madila le mageu.
arts_culture_entertainment_and_media
0
Thuto kgetsi ya tsie
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Poloka mo kgaolo potlana ya Shoshong, Rre Kgokonyana Kgokonyana a re gore thuto ya ngwana e atlege go tlhoka tirisanyo mmogo fa gare ga barutabana le batsadi. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Rre Kgokonyana a re le ntswa batsadi bangwe ba sena seabe mo thutong ya bana ba bone, matlhoko a sekole sa gagwe a mmalawanyana mme se se tlhotlheletsa gore maduo a baithuti mme segolo bogolo a lekwalo la bosupa e nne a bokoa. Rre Kgokonyane a re ngogola mo maemong a ABC ba tsere 60 per cent mo lekwalong la bosupa le ntswa ba ne ba ipeetse seelo sa 80 per cent. Rre Kgokonyana a re ba itemogetse gore bana ka bontsi ga ba na tlhokomelo e bile ba nna ba le nosi ka gore gantsi batsadi ba a bo ba le kwa merakeng kgotsa masimo, se se dire gore bangwe bana ba felele ba tswa mo sekoleng kgotsa ba ba se itshokelang ba tle ba le mo seemong se se sa nametseng. O tlhalosa fa bana ba kgona go tla sekoleng ba sa tlhapa kgotsa ba sa bona diamaleng, a tlatsa ka go re bangwe ba tlolwa ke dithatlhobo mme se se felela se digela boleng kwa tlase. Rre Kgokonyane o tlhalositse fa barutabana ba tlhaela mo sekolong,a re barutabana ba a nang le bone ba lesome mme ba bararo e le babereki ba nakwana. Rre Kgokonyana are boroko ja barutabana bo a tlhaela kagore matlo a barutabana a tleng a mane fela,a tlatsa ka gore dibuka le tsone di a tlhaela ka jalo go nna dingalo gore neelano ya thuto e tsamae sentle. A re ba na le kgwedi gase e apeelang bana e ntse e fedile mme se se pateletsa baithuti go tla ka dikgong tse di apayang mme bangwe ba sa tle ka dikgong mme kapei e felele e ntse dingalo,a re se sengwe se se digelang thuto ko tlase ke letlhoko la metsi ka a tshabelelwa ke go kgala gangwe le gape. Rre Kgokonyana a re ba tlhamile methale e e ka lekang go suga baithuti gore maduo a tokafale. A re ba tlhamile ditlhotshwana tsa baithuti ba lekwalo la bosupa ba di dira ba lebile gore ngwana o palelwa ke thuto e fe thata mme barutabana ka bongwe ka bongwe ba a ba amogana. BOPA
education
4
Taupye o sireletsa loapi ka temo ya ditlhare
Banni ba Taupye mo kgaolong-potlana ya Mahalapye ba kopilwe go tlotla le go sireletsa loapi go thibela kgotlelesego ya lone. Komiti ya botsogo le ya ditlhabololo tsa motse tsa re di bone go le botlhokwa go ruta banni ka tlhokomelo ya loapi. Mmueledi wa dikomiti, Mme Norah Dipao a re sengwe le sengwe se se tshelang, se tshela ka go bo loapi lo sa kgotlelesega mme fela fa lo kgotlelesega diphologolo di tsile go nyelela. O tlhagisitse banni gore go tshuba matlakala jaaka dithini, dipolaseteke le ditlhare go borai mo matshelong a batho le ditshedi tse dingwe ka gore di baka mesi e e senyang losire lo lo sireleditseng bogale jwa marang a letsatsi. O gakolotse setshaba go emisa go tshuba le go gasagasa matlakala, go dirisa sekgwa jaaka matlwana a boitiketso, go emisa go kgotlela tikologo ka se se ama metsi, batho, diphologolo le diruiwa a re o kgala go itlhokomolosa tikologo le tlolo melao e e amang tikologo. A re puso e dirisa madi a mantsi go phepafatsa tikologo, a supa fa madi a, a ne a ka dirisiwa mo ditirong tse dingwe tsa setshaba. “Batho ba ka itshetsa ka dipampiri go dira dithoto,” a tlhalosa. O ne a kgothatsa morafe gore mongwe le mongwe a itlwaetse go latlhela matlakala kwa lehuting la matlakala e seng fa ene a ratang teng gore Batswana ba lebege e le batho ba ba nang le boikarabelo mo tikologong ya bone. O ne a kopa gape gore ditlhare di se ka tsa tshujwa ka gore di thusa go ntsha mowa o o hemiwang ke batho. A re o rotloetsa banni go baakanya dikoloi tsa bone ka dingwe di ntsha mesi e e kotsi mo loaping le batho, a tlatsa ka gore puso e tshwanetse ya bona gore fa koloi e sa itekanela e seka ya fiwa teseletso ya go tsamaya mo tseleng. Mme Dipao a re banni ba tsenelela diphuthego tsa lephata la tshireletso ya dikgwa ka ba ka nna le sebaka sa go itse ka ditlhare tse tiriso ya tsone e leng borai kana e e siametseng batho le loapi. Mme Dipao a re e re ka mo malatsing a gompieno go dirisiwa maranyane a sesha, go lepa loapi, ba tshwanetse go kopana le bomaitseanape ba setso go rutana ka tse di amang loapi. A re bogologolo batho ba ne ba lepa loapi ba dirisa kitso e ba e filweng ke Modimo mme a re se se ka sologela setshaba molemo fa se, se ka ka dirisiwa le maranyane a segompieno. O ne a kopa banana gore ba tlhotlhomise tepo loapi ya segologolo mo bagolong, a re go dira jalo go ka ba thusa gore ba kwale dibuka mo isagong ka se ba se amuleng. “Tepo loapi ya setso gatwe go ne go dirisiwa dikai tsa mosi, dinaledi, phefo, maru le digagabi, bogolo thata di supa pula,”a tlhalosa. Mme Dipao a re baitseanape ba loapi ba maloba ba dirisa phefo e e tswang borwa go supa tshenyo ya dijwalo gammogo le dithoto, le ba tepo loapi ya sesha ba a e dirisa, gammogo le maru le letsatsi. BOKHUTLO
environment
5
Go tlhokafetse ba le bararo
Mogolwane wa mapodisi a Kalkfontein mo kgaolong-potlana ya Charleshill, Sub Inspector Pogiso Toteng a re dikotsi tsa tsela tse pedi di gapile matshelo a batho ba le bararo bosheng. Sub Inspector Toteng a re nngwe ya dikotsi tseo e diragetse ka Matlhatso maitseboa mo tseleng ya Kalkfontein/Ghanzi fa mokgweetsi wa koloi ya modiro wa Ipsum a latlhegelwa ke taolo e bo e pitikologa, mme mosadi wa dingwaga tse di masome mararo le borataro a latlhegelwa ke botshelo. A re koloi eo e ne e pegile batho ba le batlhano, mme bapagami ba le bararo ba ne ba alafelwa dikgobalo tse dipotlana fa mosadi yo mongwe a ne a robega serope mme a isiwa kwa kokelong ya Marina kwa Gaborone. A re moswi o tlholega kwa Dikar mo kgaolong ya Ghanzi Bokone. Sub Inspector Toteng o tlhalositse fa kotsi e nngwe e diragetse ka Labone wa beke e e fetileng bosigo ka nako ya borobabongwe mo tseleng ya Ncojane/Kalkfontein fa koloi ya modiro wa Surf e ne ya pitikologa morago ga gore mokgweetsi a latlhegelwe ke taolo. A re go ne ga tlhokafala rre wa dingwaga tse di masome matlhano le boraro le wa mokgweetsi wa dingwaga tse di masome mararo. Moswi yo mongwe o tlholega kwa Charleshill fa yo mongwe ene e le morutabana kwa sekoleng se sebotlana sa Ncojane ene a tlholega kwa Mochudi. Sub Inspector a re koloi eo e ne e pegile batho ba le batlhano mme ba le babedi ba ne ba bona dikgobalo tse dipotlana fa a le mongwe a ne a isiwa kwa kokelong ya Marina kwa Gaborone ka dikgobalo tse di masisi. Rre Toteng o ne a kopa bakgweetsi go obamela matshwao a tsela ka dinako tsotlhe a re lobelo le le feteletseng bosigo le na le seabe se setona mo dikotsing tsa tsela. Mo godimo ga moo, a re dintsho tseo gape di bakilwe ke gore batho bao ba ne ba sa dirise mabante ka gore botlhe ka boraro dikoloi di ne di ba kgwile. Sub Inspector Toteng a re mo tiragalong e nngwe bosigo jwa Laboraro monna wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro o ne a latela ntsalae wa dingwaga tse di masome mane le bosupa kwa lwapeng la gagwe a feta a mo keteka a ba a tsaya P1 000 le dilotlele tsa koloi ya gagwe. Rre Toteng a re rre yoo, yo e bileng e le monalebogole, o ne a begela mapodisi mme mmelaelwa a tshwarwa mo Ghanzi. A re ditlhotlhomiso di weditswe mme go emetswe tsheko. BOKHUTLO
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Ba lwantsha lehuma ka dikeleketsi
Barui kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone ba tsweletse ka go lwantsha leuba la monongwaga ka ditsela tse di farologaneng. E re ka go twe “maano a botshelo ga a site go sita a loso”, bangwe ba dirisa ditsatlholego fa bangwe ba dirisa se ba se setseng mo masimo go kgaratlhela leruo la bone. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Keireng Molale yo e leng morui wa dihutshane kwa Kang a re morago ga go bona fa leuba le shenne meno, o ne a simolola go bapalela dihutshane tsa gagwe dikeleketsi. Dikeleketsi ke maungo a setlhare sa mokala se se anameng mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone. Mme Molale yo o dingwaga di masome a mararo le bongwe a re dikeleketsi jaaka ditsatlholego tse dingwe, di na le nako e di bapalwang ka yone. A re paka ya mariga ke yone e dikeleketsi di a bong di bodule go ka bapalwa. O tlhalositse fa barui ka ene kwa kgaolong ya gagwe ba tswa kgakala ba bapalela dihutshane dikeleketsi ka nako ya leuba. A re ene o thuga dikeleketsi mme a di kopanye le letswai le le makgabana la leruo. O kaile fa dikeleketsi e le mmamoratwa wa dihutshane. Mme Molale yo o thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma go rua dihutshane a re gape o lwantsha leuba ka go kgaogana se a se setseng mo masimo le dihutshane tsa gagwe. A re fela jaaka dikeleketsi, o kgaba lerotse a dira lengangale mme a le kopanye le letswai. O supile fa lengangale le lone e le sejo se se ratiwang ke dihutshane. Rre Nonofo Bareeleng yo le ene e leng morui wa dihutshane kwa Kang a re setlhare sa salt bush se se tlholegang kwa lefatsheng la Australia se mo thusitse ka nako ya komelelo. A re o ithutile ka setlhare seo mo baruing ba bangwe. O supile fa a lemile setlhare sa salt bush mo lwapeng la gagwe go se jesa dihutshane tsa gagwe.
environment
5
Mokgatlho o ipapanne
Moeteledipele wa lekgotla le le itebagantseng le go tsholetsa lentswe la bomme wa Voice of Women kwa Mahalapye, Mme Connie Nshimwe a re ba ipapanne go tlhabantsha kgokgontsho ya bong segolo thata ba itebagantse le bomme le bana ba basetsana ba e leng bone ba amiwang thata ke kgokgontsho mo malwapeng. Fa a bua mo potsolotsong, Mme Nshimwe o tlhalositse fa mo malatsing a a lesome le borataro a go tlhabantsha kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana ba itlamile gore ba eme ka dinao go buisa diphuthego mo motseng wa Mahalapye le e e mabapi, ba itebagantse le setlhogo se se reng ‘Kagiso go tswa mo lwapeng, e tsala kagiso mo lefatsheng, a re emiseng kgokgontsho kgatlhanong le bomme le bana ba basetsana.’ O tsweletse ka go tlhalosa fa ba tla a bo ba itebagantse le go sokolola maikutlo le ditlhaloganyo tsa borre, ka maitemogelo a gore ntle le bone ba ka se fitlhelele maikaelelo a bone a go fedisa dikgang tsa kgokgontsho ya mothale o. Mme Nshimwe a re ba tsweletse ka go sukunyolola dilo dingwe tsa ngwao tse e leng tsone di dirang gore kgokgontsho e jwelele, e bile di isa lentswe la ga mme kwa tlase mo setshabeng ka jalo di tsisa kgatelelo. A re ba tsweletse ka go rera kagiso mo malwapeng ka ba lemogile fa dikgang tsa kgokgontsho di le dintsi, e bile di ama thata bomme le basetsana. O ikuetse mo go bomme le basetsana go bega dikgang tsa kgokgontsho kwa go ba sepodise le bommaboipelego, a bo a ba gwetlha gore ba se nne go fitlhelela dikgang di kekele e bo e le gone ba tsayang kgato. Mme Nshimwe a re ba tla a tswelela ka go ruta setshaba ka melao e e leng teng gore ba e tlhaloganye, a nankola ka wa kgokgontsho ya mo malwapeng wa 2008, o o akaretsang tshireletso ya dikgang tsotlhe tsa borukutlhi ja kgokgontsho ya bong. A re lekgotla la gagwe le kgala le sa kgwe mathe kgokgontsho ya bong e bile ba na le keletso ya gore ka 2016 motho mongwe le mongwe a bo a itekanetse e bile a na le kitso ya gore kgokgontsho ya bong e raya eng. O kaile gape fa seemo sa kgokgontsho ya bomme mo manyalong e le se se ngomolang pelo, a re mo malatsing ano fa ngwana wa mosetsana a tsena mo nyalong e e senang kgokgontsho e ya bo e le lesego, a tlatsa ka go tlhalosa fa bomme ba tshwere phage ka mangana mo manyalong sebe sa phiri e bo e nna gore ga ba kgone go ntsha lentswe jalo ba felela ba swela mo teng. Ka jalo o kopile batsadi go aga botsalano le bana ba basetsana gammogo le go ba naya lerato ka nako tsotlhe gore ba seka ba jewa ke batho ka maleme mo ditseleng ba re ba a ba rata ntswa ba batla go ba dirisa le go ba kgokgontsha. A re fa bana ba ka lemoga lerato go tswa mo batsading ba tsile go itse gore fa motho a rata yo mongwe o tshwanetse go mo tsaya ka tsela e e ntseng jang ka jalo ba kgone go falola dilalome tse di tlang di phuthetse kgokgontsho ka lorato.
health
6
Goya o lekola ditlhabololo tsa kgaolo ya Palapye
Bogogi jwa kgaolo potlana ya Palapye e rile bosheng jwa kopana le Mopalamente Moisaraele Goya go mo lekodisa ka ditiro tsa ditlhabololo tsa kgaolo, bogolo jang tsa lenaneo la madi a ditlhabololo a kgaolo. Morago ga gore puso e simolodise madi a ditlhabololo tsa dikgaolo ngogola, dikgaolo di ne tsa simolola go tsabakela. Le fa go ntse jalo molaodi wa kgaolo-potlana, Rre Odiseng Moruti, mothusa mokwaledi wa khansele, Rre Lucky Maoto le ba ditogamaano ba supile fa go nnile le tiego ya go aba ditiro, ka madi a ne a tla morago ga nako e e neng e solofetswe, le gore morero ka tiriso ya one le morafe o nnile moleele. Rre Maoto o ne a re e re ntswa e le tsamaiso gore madi ao a tsamaisiwe fela jaaka madi mangwe le mangwe a puso, ba ne ba tshwanelwa ke go anamisa ditiro tse di yang go dirwa go fa ba dikonteraka sebaka sa go ikopela le go phadisanela tiro eo. Mo Palapye go ne ga abelwa kgaolwana ngwe le ngwe ya mokhanselera madi ka go lekalekana le go letla banni ba kgaolwana go dira tse ba bonang ba di tlhoka. Gone ga simololwa ka go agwa ga ditsela tsa setena tse di fa gare ga motse tse ka dinako tsa dipula di sa tsamaegeng. Fela jaaka gone ga dumelwana, ditiro di ne tsa neelwe ba dikonteraka tsa mo gae, mme mo nakong eno, go setse go dirisitswe P4 510 007. Mothusa Mokwaledi wa khansele-potlana le ba ditogamaano ba ne ba tlhalosa gore mangwe madi a a lebegang a sa dirisiwe ke a a seegetsweng kwa thoko mo sebakeng sa dikgwedi go lebeletswe gore a tiro e e dirilweng ga e supe dipe dikai tsa go sa direga sentle, e re fa dile teng mong wa kontereka a kopiwe go baakanya, mme fa di se yo nako e wetse, a fiwe madi a a setseng ao. Bontsi jwa ditsela go lebega di wetse go dirwa mo dikgaolwaneng tsa bokhanselara. Mopalamente Goya o ne a tsamaisiwa le ditsela tsotlhe go di sekaseka, mme a supa fa dingwe di setse di supa di sa direga, a tlhalosa fa a bona go le mosola gore gongwe go itebaganngwe le ditsela pele di wediwe, tse dingwe jaaka maobo a dikgotla di tlaa bonwa morago ka madi a a ya go tla ngwaga le ngwaga. O ne gape a re khansele e tsibogele go dira ditiro tseo ka nako gore madi a seka a fitlhelana. Rre Goya o ne a supa fa a na le keletso ya gore go nne le lefelo la morafe la itshidilo mmele le la disupiwa tsa banana. O ne a fa mokwaledi le molaodi kgang eo go e kopanela le ba kabo ditsha go sekaseka mafelo a a bulegileng mme a se mo tirisong. Go ne ga senoga fa bangwe ba beng ba dikonteraka go lebega ba adimile tshwene marapo le fa banana e le bone ba lelang thata ka gore dikonteraka tsa bone tse dinnye ga di fiwe ditiro. Madi a monongwaga go tlhalositswe fa go ya go tla sephatlo pele, mme e re ditiro tse di se kopetsweng di wela ke gone go kopiwe a a setseng. BOKHUTLO
politics
7
Kanamo ya HIV e a tshwenya
Mogokaganyi wa ditirelo tsa HIV/AIDS kwa Selebi Phikwe, Rre Shatiso Daki, a re puso e tshwenngwa thata ke dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare wa HIV. Fa a bua kwa tirong ya go simolodisa kgwedi ya thapelo kgatlhanong le HIV/AIDS, Rre Daki, o ne a supa fa se se busetsa kwa morago maiteko a puso a go tlhabolola matshelo a Batswana. Rre Daki o ne a supa fa banana ba ba santseng ba le kwa tlase ka dingwaga e le bone ba ba amegileng thata, a tlhalosa fa se se netefatswa ke dipalo tse di kwa godimo tsa go ima ga bone. O ne a tswelela ka go supa fa lephata la botsogo le lemogile fa mo nakong ya gompieno borre ba le bantsi batshwarwa ka malwetse a dikobo fa go tshwantshanngwa le dingwaga tse di fetileng. Rre Daki o supile fa ba botsogo ba santse ba le mo ditlhotlhomisong go bona gore seo se bakwa ke eng. O ne a kgothatsa Batswana go sekaseka ka fa ba tshelang ka teng go re ba tile ditsela tse di ka ba tsenyang mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare. Rre Daki a re Botswana o fitlheletse maitlamo a lone a go thibela mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa leseeng, a re le fa go ntse jalo go santse go na le bomme ba ba tlogelang diritibatsi, mme ba bo ba tswelela ka go amusa bana. Rre Daki o ne a supa fa ba setse ba gatisitse dikgang di le nne tsa bana ba ba tsenweng ke mogare ka mabaka a go nna jalo mme a kgothatsa bomme go tsaya boikarabelo jwa bana ba bone. Mme Kgalalelo Molenga go tswa kwa lekgotleng la BOCAIP o ne a supa fa puso e lemoga seabe sa dikereke mo go lwantsheng HIV/AIDS, a re ke tsone tse di akareditsweng mo go tseyeng karolo ya go bo lwantsha. Mme Molenga a re puso e leka ka bojotlhe go lwantsha mogare, a re se se netefatswa ke tshimolodiso ya go tsenya botlhe ba ba tshwerweng ka mogare mo kalafing, go na le go letela gore masole a mmele a wele kwa tlase. Fa a tswa la gagwe, kgosi wa kgotla ya Kagiso kwa Selebi Phikwe, Kgosi Josephine Legwaila, o supile fa go tshwenya go bona dikereke dingwe le morafe ka karetso ba tsweletse ka go ikgogela morago mo ditirong tsa setshaba. BOKHUTLO
education
4
Tlhoafalelang ditiro tsa motse
Kgosi wa Zoroga mo kgaolong-potlana ya Tutume, Rre Thomas Modiro o gakolotse banni go nna le mowa wa boithaopo mo ditirong tsa motse gore o kgone go tlhabologa. O buile jaana kwa kgotleng, mo merapelong ya moso le moso e e sa bolong go simolola kgwedi eno e tlhola malatsi a le mararo. A re merapelo e, e diretswe go kopela ba ba nang le makoa mo Modimong gore ba sidilege gammogo le go ipaakanyetsa letsatsi la boipuso gore le atlege. Kgosi Modiro o tlhalosa fa batho ba itlhokomolosa ditiro tsa boithaopo e bile banni bangwe ba le maoto a tshupa go tla merapelong. A re ditiro tse di direlwa Batswana go ka tlhabolola lefatshe la bone mme fa ba ikgoga metse ga e kake ya tlhabologa. O supile fa banni ba sa ikwadisetse ditlhopho ka bontsi ntswa e le tshwanelo ya bone go ka ikwadisa gore ba kgone go tlhopha mme morago motse wa bone o tlhabologe. Kgosi Modiro a re batho ba tla kgotleng fela fa ba batla dithuso tsa puso. A re banni bangwe ba tsere mananeo a puso mme ga ba tsenelele diphutlego go tla go tsaya melaetsa ee ka ba thusang go tswelela pele ka go ka nwa mananeo ao moro. “Batho ba tsaya mananeo e bo ba ela ruri mme ba tle kgotleng fela fa ba setse ba na le mathata a e leng gore gongwe a kabo ba sa bolo go a fenya go santse go nale nako,” a rialo. O tsweletse ka go tlhalosa fa batho ba tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa motse wa bone bogolo segolo jang fa go tlhophiwa dikomiti tsa motse. A re batho fa ba tlhopha dikomiti ba tshwanetse go lebelela bokgoni e seng go ba tlhophela gore ba je le bone. “Batho ba tlhopha ba bangwe gore ba ba fe dithendara tsa borotho kgotsa gore ba ba thape mo Ipelegeng,” a tlhalosa. A re go botlhokwa gore dikomiti di direle setshaba e seng dikeletso tsa bone. A re tshwanelo ke gore komiti e tsweledise ditlhabololo tsa motse e seng tsa ditsala kana masika. O rotloeditse banni go mo tshologa mokgosi nako yotlhe fa go na le phuthego ya kgotla go itsa gore batho ba felele ba tseelwa ditshwetso tse di ba bayang mo mosing ka ntlha ya gore ba a bo ba seo. A re motse o tlhabololwa ke setshaba. BOKHUTLO
politics
7
Batsadi ba lela ka botsamaisi
Batsadi ba sekole se segolwane sa Tsabong Unified mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba ngongorega ka go tlhoka go okelediwa lebaka la pereko la mogokgo wa sekole seo morago ga gore a ba laele mo phuthegong ya batsadi le barutabana (PTA). Mogokgo Kooagile Gabonthone o tlaa bo a tlogela tiro fa tumalano ya gagwe le mhiri e tla bokhutlong ngwaga o o tlang. E rile a bua ko phuthegong ya batsadi le barutabana e a neng a e biditse go tla go lekodisa batsadi ka fa ba tsweletseng ka teng mo sekoleng seo mabapi le tsa thuto, Rre Gabonthone o ne a bolelela fa tumalano ya gagwe le mhiri ya go berekela mo sekoleng seo ya ngwaga tse tharo e tlaa bo e ya bokhutlong ngwaga o o tlang Herikgong a le masome a mabedi le bobedi. A re pele ga tumelano e fela o ne a kwala a kopa go okelediwa lobaka lwa pereko ka a ne a sa ntse a batla go tswelela a bereka mme o ne a itaya se fololetse ka baeteledipele jwa thuto ba ne ba sa amogele kopo ya gagwe. E re dikgang di eme jalo, Rre Gabonthone o kaile fa ba solofetse maduo a a itumedisang a mophato wa boraro le wa botlhano morago ga ditlhatlhobo tsa makgaolakgang tsa monongwaga. O ne a lekodisa batsadi gape fa sekole seo jaanong ba se neetswe semmuso ngwaga ono morago ga go godisiwa go amogela mophato wa ntlha go ema ka wa botlhano go simolola ngogola. Rre Gabonthone a re baithuti ba sekole seo ba tsabaketse mo dithutong tsa dipalo le maranyane mo dikgaisanyong tsa dikgaolo le gone go tsholeletsa kwa godimo serodumo sa sekole seo mo go tsa poko le metshameko. O boletse fa palo ya barutabana ba ba berekelang mo sekoleng seo e nametsa ga mmogo le didirisiwa le ntswa go na le barutabana ba ba tlhaelang ba dithuto tsa dikhomputara le tsa kapei. Le fa go tse jalo o ne a supa fa go solofetsa fa maduo a tlaa tswelela a tokafala. Fa a bua ka boitsholo le botlhoka tsebe jwa baithuti o kaile fa bo tokafetse fa go tshwantshanngwa le mo dinakong tse di fetileng. A re e le barutabana ba ne ba iipha sebaka sa go bua, go kgalemela le go aga baithuti le ntswa go na le matlhesedi fale le fale a go senyetsa ba bangwe. E rile ba akgela mo mafokong a mogokgo batsadi ba ne gogomoga maikutlo mme ba bua ka lentswe le le lengwe fa ba sa amogele gotlhelele go bo Rre Gabonthone a sa atolosediwa tumelano ka ba ne ba solofetse go le gontsi mo go ene. Ba re o dirile pharologanyo mo tokafatsong ya maduo le mo kagong ya bana. Mongwe wa batsadi, Rre Eheletse Gabankalafe, o ne a bua a sa kgwe mathe fa ba sa ntse ba batla Rre Gabonthone a berekela mo sekoleng seo ka ba kgotsofala ka a itomile molomo wa tlase a bereka ka natla ga mmogo le barutabana ba gagwe ka ba itlamile go dira ka gotlhe mo ba ka kgonang go tsholeletsa kwa godimo leina la sekole ka maduo a a kgatlhisang. Rre Gabankalafe o tlhalositse fa ditiro tsa ga Rre Gabonthone di bonwa ka matlho ke mongwe le mongwe ka a eteletse pele sekole seo ka botswapelo le lorato e bile ba lemogile fa a na le tebelopele e bile maikaelelo a gagwe e le go betlela baithuti bokamoso jo bo siamemg. Modulasetilo wa PTA, Mme Reginah Mosweu, o ne a lela sa ga Ragele a supa fa le bone e le komiti ba utlwisitswe botlhoko ke gore mogokgo o kgaogana le bone a bolela fa e le motho yo o botlhokwa yo matlho otlhe a neng a lebile kwa go ene. Mme Mosweu o ne a kopa batsadi go tshwaragana ka go bua ka lentswe le le lengwe go ikuela mo boteledipeleng jwa kgaolo eo mme fa ba sa kgotsofale ba tlaa tswelela ba ikuela go fitlhelela ba bona phetolo e e utlwalang ya go okelediwa lebaka la konteraka ya mogokgo ka a le mosola mo sekoleng seo. Mokhanselara yo o itlhopetsweng, Rre Nkatlholang Simane, mo mafokong a gagwe a tebogo o ne a gakolola batsadi le komiti ya PTA go ema ka dinao mabapi le kgang ya mogokgo ka go tswa ka maano a go ikuela go bona tharabololo ya one mo go ba ba lebaneng. Rre Simane o ne a supa fa makhanselara a Kgalagadi le bone ba le kgatlhanong le go tlhoka go okelediwa lobaka lwa pereko lwa mogokgo. ENDS
education
4
Lephata le dira ka natla
Modiri mo lephateng la tsa botsogo le tikologo, Rre Kaone Thibelang, o boletse fa lephata la gagwe le dira ka bojotlhe go tlhomamisa gore Batswana ba nna mo tikologong ee nametsang, ba ja dijo tse di siametseng botsogo jwa motho e bile ba nwa metsi aa siameng. Rre Thibelang o tlhalositse bosheng kwa kgotleng ya Mmaseetsele kwa Moshupa fa matlakala a tshwanetse go isiwa kwa a tshwanetseng go nna teng. A re matlakala a tshwanetse a latlhelwa mo ditankeng a bo a tsewa ke ba ba tshwanetseng. A re batho ba le mokawana ba tshuba matlakala mme go kgotlhele phefo le loapi fa bangwe ba a phutha sentle mme morago ba a beye fa thoko ga tsela mme diphologolo di a gasegase le tikologo. O boletse fa lephata la gagwe le tshwentswe ke batho bangwe ba a reng ba tshololela diole tsa dikoloi mo mmung mme di felele di kgotlela metsi a a kafa tlase ga lefatshe. A re lephata le tsena gangwe le gape mo mabentleleng go tlhola bagwebi ba ba rekisang dijo le dino go netefatsa fa di siametse botsogo jwa motho. Rre Thibelang a re ba ikemiseditse go lwantsha ditshidinyana tse di ka kgotlelang tikologo tse di tshwanang le mafele, monang, ditsitsiri le dipeba mo malwapeng. Mongwe wa batsena phuthego, Rre Baeti Kesenye, o ngongoregile ka koloi ya matlakala e a reng e kgona go fetisa kgwedi e sa tseye matlakala; selo e a reng se ba baya baagi kafa mosing. E rile fa a araba, Rre Thibelang o ne a supa fa ba dirisa koloi ele nngwe fela ka jalo go nna le bothata fa e senyegile. O tlhalositse fa e tlare ngwaga wa madi wa 2016/2017 o simolola, ba romelele dikompone tse di ikemetseng go tsaya matlaka mo malwapeng le mo dikgwebong.
health
6
Metlhale ya khumo e mentsi...
Mme Goleele Gabanakgang yo o dingwaga tse di masome a mane, wa kgotlana ya Lesung kwa Sefhare, ga a ipone tsapa mo go batleng ditsela tsa go itshetsa. A re o tlhaloganya sentle fa metlhale ya khumo e le mentsi mme fela go laola botlhaga le lorato mo ditseleng tsotlhe tse motho a ka di tsayang go leka go latela methale eo. Mme Gabanakgang o itlhalositse mo potsolotsong fa ene e le motho yo o filweng botsipa jo bontsi ke Modimo. A re e rile ka 2011 a ithekela matsela a a dirang ditjale mme a simolola go roka a bo a di rekisa. A re mme ka matsela ao a le turu, go ne ga mo ketefalela gore a tswelele sentle. O ne a tlhalosa gore se se neng se dira gore kgwebo ya gagwe e goge ka thata le go feta ke gore o ne a dirisa madi a mantsi go tswa mo dipoelong a tshetsa lelwapa la gagwe ka one. A re o ne a seka a itlhoboga mme a reka diulu. Ka tsone di le tlhwatlhwa e e kwa tlase, a simolola go loga mebese a bo a e rekisa. O kaile fa a ne a tswelela ka go loga le go rekisa mebese, a tlhalosa fa mebese eo e rwalwa ke balatedi ba dikereke tse di farologanyeng le bana ba dikolo. O ne a supa fa a ne a tswelela a kotlopisa kgwebo ya gagwe ya mebese. Le fa go ntse jalo, a re fela pelo e ne e eta e gadima kwa morago ka a ne a sa ntse a na le lorato la go roka ditjale gape bareki ba tshela ba mo tshwenya ka tsone. “E rile ka lengwe la malatsi ke ntse ke e ja tlhogo, sengwe sa rothegela mo tlhaloganyong yame, ke ne ka bona go tshwanela gore ke tseye dilo tse batho ba tsayang gore ke matlakala ke di tsenye mo tirisong,” a tlhalosa. Mme Gabanakgang a re mo nakong ya gompieno o inaakantse le go tsamaya a kopa dibata tsa matsela a mateise mo baroking. A re dibata tse o a di pataganya a bo a roka dibeke tsa bomme ka tsone. A re o leboga baroki bao go menagane ka ba sa mo lope sepe, ka gore tota ba ne ba tshela ba fisa dibata tseo. O supile fa dibeke tse a di dirang di kgatlha leitlho, a tlhalosa fa di rekwa jaaka dilekere. A re ka dinako tsa manyalo o kgona go bona theko e e nametsang ka jaana batho ba mo kopa gore a ba direle dibeke tse di tsamaelanang le kapari ya bone ya manyalo ka dipalo tse di ntsi. A re ditlhwatlhwa tsa dibeke tse di laolwa ke modiro, a tlhalosa fa dingwe di lopa P70.00, fa tse dingwe e le P100.00 le go feta. A re jaanong o simolotse go dira madi a a botokanyana ka jalo o kgona go reka matsela a ditjale, a tlatsa ka gore kgwebo ya gagwe jaanong e ikaegile ka go dira ditsale, mebese le dibeke tsa mateise. Go ntse go le foo, a re o akgola baroki ba ba mo thusang ka dibata tsa mateise go menagane mme a supa fa a kgona go ba direla dibeke sesolo ele nngwe ya ditsela tsa go ba lebogela tirisanyo mmogo ya bone. Mo kgwebong e ya gagwe, Mme Gabanakgang a re kgwetlho e e mo tshwenyang thata ke ya go itlhoboga ka bonako ga bareki. A re fa ba sa fitlhele se ba neng ba se batla ga ba mo fe sebaka sa gore a se ba direle, mme ba ye go batla go sele. O kaile fa ba boela kwa go ene fela fa ba setse ba itlhobogile ke gone ba kope gore a ba direle, mme a re seemo se, se felele se mo tsenya ka fa tlase ga kgatelelo ka a tlamega go berekela mo nakong le go tlogela tse dingwe tse a neng a setse simolotse go di dira. “Moreki o kgona go tla a batla tjale, mmese kgotsa beke ya mmala mongwe mme fa a sa o fitlhele o fetela kwa pele mme bangwe ba kgona go boela gape kwa go nna fa ba tswa go tlhobosetswa ke baroki ba bangwe,” a tlhalosa jalo Mme Gabanakgang. A re o batla go godisa kgwebo ya gagwe, ka jalo o sa ntse a emetse thuso ya ba boipelego. Mme Gabanakgang a re fa a ka bona thuso, ga a ana go letla sepe go mo ema kwa pele. O supile fa mo nakong ya gompieno a sa ntse a direla fela mo lwapeng. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Leuba le ganyaola leruo kwa Sefhare
Barui ba motse wa Sefhare ba tsweletse ka go latlhegelwa ke dikgomo le ditonki ka dipalo tse di kwa godimo ka lebaka la tlala le lenyora. Se se boletswe ke modulasetilo wa komiti ya balemi le barui kwa motseng oo, Rre Balekang Phaladi mo potsolotsong le BOPA ka Labobedi. Rre Phaladi a re ke selelo le khuranyo ya meno ka morui a kgona go latlhegelwa ke leruo le lentsi ka nako e le nngwe fela. Rre Phaladi a re seemo se, se tsisitse gape kgotlhang fa gare ga morafe le barui. O ne a supa fa bangwe barui ba siela leruo la bone metsi a morafe le ntswa le one a tlhaela. O ne a supa gape gore bangwe barui ba kgaotse terata e e neng e ageletse masimo mangwe ka fa tlase ga lenaneo la cluster fencing gore leruo la bone le kgone go fula mo masimong ao. Go sale foo, Rre Phaladi o ne a kopa barui go baya leruo la bone leitlho a re gantsi fa go tsena seemo se, leruo le tshabelelwa ke bolwetse jo bo bidiwang kwatsi mme a supa fa bo le borai thata ka bo bolaya mme bo sena dikai. O tlhalositse gore bolwetse jo bo tsena seruiwa fa se e ja bojang kgotsa ditlhatshana tse ditala le tse di setseng di omeletse ka nako e nngwe fela kgotsa mo pakeng e nngwe fela. Rre Phaladi o ne a rotloetsa barui gore ba emise mokgwa wa go kokotletsa leruo la bone le bo le nna le ntsi thata mme e re go tla dipaka tsa leuba leruo le bo le ba latlhegela lotlhe. A re barui ba tshwanetse go le fokotsa ka go le rekisa ba bo ba ipolokela madi mo dibankeng kgotsa ba dirisa madi ditiro tse di ka ba tshetsang mo isagong jaaka go aga matlo ba bo ba a hirisa. O ne gape a gwetlha barui go nna ba jesa leruo la bone dijo tse di tiisang mmele le go le siela melemo gore fa leuba le tsena leruo le seka la swa ka bofefo. A re ba dirise lotlhaka leo go dira dijo tse leruo le ka tshelang ka tsone mo dipakeng tse di tshwanang le e re mo go yone e ya leuba.
society
9
Dikomiti di tlaa lwantsha tshenyetso setshaba
Dikomiti tsa twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo kwa maphateng le mo makalaneng a puso di dirilwe ka maikaelelo a go neela makalana le maphata boikarabelo ja go itebaganya le tshenyetso setshaba ka botlalo. Fa a bua mo thutuntshong e e tsweletseng ya malatsi mararo, mogolwane go tswa kwa lephateng la twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholela Mme Thembie Patrick, e bile ele leloko la komiti ya tswantsho tshenyetso setshaba mo lephateng la ofisi ya ga tautona, o ne a re maikaelelo a dikomiti tseo ke go tsibosa ka tshenyetso setshaba, se se e bakang le manokonoko a a amang bodiredi le setshaba ka ka karetso. Mme Patrick a re ba ikaelela gape go tlhabolola le go fetola maikutlo mo bodireding gammogo le go fokotsa tatlhegelo le tshenyo ya ditsa-puso, e e areng e diragala manokonoko a yone a ame thata itsholelo le motho ka bongwe ka bongwe. A ba solofela go bona dikomiti tse di le teng mo makalaneng a a bopang lephata, go fologela kwa dikgaolong gore mongwe le mongwe a tseye karolo mo kgannyeng e ya tshenyetso setshaba. O tsweletse a re fa dikomiti tsa makalana a puso di simolodisiwa, maloko a tsone ane a supa kgatlhego, mme ka bonya kgatlhego eo ya nyelela, a re ga a tlhaloganye gore a komiti e tlhokile thotloetso kana e ne ya adima tshwene marapo. Mme Patrick o ne a bua gape ka dikgang tsa go rutuntsha dikomiti tsa makalana, a re lenaneo la teng le tla a romelwa kwa maphateng gore ba le ipaakanyetse le gone go tlisa bao ba ba ba tlhophileng. Mogolwane go tswa kwa Botswana National Achieves and Records Services kwa Francistown Mme Lorato Motsaathebe a re maphata a latlhelela difaele tsa puso le tsa bodiredi ntswa ele tsone di tshotseng sengwe le sengwe. A re gone go itlhokomolosa go baya difaele sentle go nyeletsa dilo dingwe tsa botlhokwa, a tlhalosa fa go bewa sentle ga direkote mo maphateng go le botlhokwa fela thata. Mme Motsaathebe a re go sa baya dilo ka fa tshwanelong go ka tsenya motho mo mathateng le lone lephata tota.` Mme Motsaathebe o tsweletse a re tshomarelo ya makwalo le difaele ke lemao le le ntlha pedi le le ka tlhabang kobo le moroki, ka leka golola motho fa ale mo mathateng kana la mo tsenya ka kgolegelo. A re fa mokwalo o beilwe sentle, motho o ka itshwarelela ka one mo dintlheng tsotlhe tsa kgang. Fa a otlelela kgang tseo tsa tshenyetso setshaba, mogolwane wa lephata la tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo Rre John Thupeng ene one a bua thata ka pipa molomo e ka nako e nngwe batho ba e dirang ba sa lemoge gore ke yone, ya go fa motho madi kwa dioteleng kana kwa matlong a bojelo gore o go thusitse sentle. A re motho yoo, o mo tirong ya gagwe e a e duelelwang, jalo fa o dira jalo ke go mo fa pipa molomo O ne gape a re gole gantsi makalana le maphata a na le ditsamaiso tsa one tse ba di ipeelang mo tirong tse di farologaneng , mme a re mo nakong e nngwe ka fa motho a itshwarang ka teng mo tirong ke ka fa a tswang kwa lapeng ka teng, a tlhalosa gore go nna dinalanyana ga go simologe mo tirong . Fa a latlhela la gagwe mongwe wa batsena thutuntsho eo, mookamela lephata la tsa kgatiso le kanamiso ya ditirelo tsa puso Mme Kitso Raditlhokwa o ne a re go na le tse dintsi tse di diragalang mo maphateng a bone mme ba sa dielelele tlhoko, mme a supa fa jaanong ba ya go tsenya leitlho ka jaanong ba amule botsipa ja go leba dilo ka leitlho la baetelediepele. Mme Raditlhokwa o ne a re go botlhokwa thata gore mongwe le mongwe a rutuntshiwe ka tshenyesto setshaba le go gopela itsholelo kwa madirelong gore ba itse fa ba dira tshenyetso setshaba le fa ba dirang sentle teng
society
9
Ba rotloediwa go aba madi a mmele
Moemedi wa Kokelo e e abang madi a mmele mo Molepolole o rotloeditse setshaba ka kakaretso go ititaya ka thupana go aba madi ka dipalo tse di kwa godimo ka go le botlhokwa thata e bile go ka boloka matshelo. Mo potsolotsong le BOPA, Rre Olebile Choko , a re go botlhokwa gore batho ba ba itekanetseng ba iketleetse go ya go aba madi kwa kokelwaneng ya madi a mmele mo Molepolole kwa sepateleng sa Scottish Livingstone. O bile a tlhalosa gore makalana a mangwe a kwa Maun, Franscitown, Gaborone, Serowe le Mahalapye. Rre Choko a re e a re ka dinako tsa pelegi, dikotsi, malwetsi a a tshwanang a fa mmele o sa kgone go itirela madi, madi a a abilweng ke one a thusang mo diemong tsa go tshwana le tse, a boa a tlatsa ka gore Batswana ba tshwanetse go ipaya mo seemong sa gore ba thusa ba masika le ditsala, le bone ka sebele, ka go sena ope yo o itseng gore eng se tla diragala leng. Rre choko a re go a itumedisa ka dipalo tsa Batswana tse di thologelang kwa kokelwaneng ya bone ya Molepolole go ya go aba madi a mmele di a nametsa, a tlatsa ka gore borre ba ne ba tla ka boutsana go le pele mme jaanong dipalo tsa bone di a godletse kwa godimo. O ne a tlhalosa fa kwa tshimolodisong ya lenaneo ngwaga o o fitileng Batswana ba ne ba tla ka dipalo tse di kwa tlase, mme jaanong ba kgona go thusa batho ba ka tshwara bararo kgotsa bone ka letsatsi. A re le fa gone go le botokanyana, o tshwenngwa ke gore Molepolole ke lefelo le letona. Ka jalo ba ba solofetse go feta boraro kgotsa bone jo, jwa malatsi otlhe. Rre Choko o bile a tlhalosa gore maikaelelo a bone e le lekalana la Molepolole ke gore e re ngwaga o fela ba bo ba kgonne go tlatsa dikgetse tsa bone tsa madi di le sekete le makgolo a mabedi. O supile gore morago ga kgwedi tse supa ba ntse ba butse kokelo ya go aba madi ba kgonne go bona dikgetsana di feta makgolo a supa mme palo eo e nametsa e bile go supega ba ka nna ba feta palo e ba neng ba e solofetse. Rre Choko o ne gape a rotloetsa Batswana gore ba nne ba laletsa dikokelwana tsa madi go isa ditlamelo kwa bathong, bogolo jang fa go nang le batho ba ba palo e ntsi, a tlatsa ka gore ba bona dipalo tse dintsi tsa dikgetsana tsa madi fa ba tswetse kwa ntle, go na le fa ba leta batho mo kokelong go tla go aba madi. O ne a tlhalosa fa makgetho a mantsi ba nna le maeto go tlhola kgaolo ya Kweneng fela ka bophara mme ba tle ba kgonne go thusiwa ke Batswana ka bontsi. E rile a konetelela Rre Choko a tlhalosa fa ba bula kokelwana go simolola phakela ka nako ya masome a mararo morago ga nako ya bosupa mme ba tswale ka nako ya masome a mararo morago ga nako ya bone maitseboa. O ne a tlhalosa gape gore ba kgona go bula ka mafelo a beke fa morafe kgotsa lekalana lengwe le bona go tshwanela e bile go laleditswe batho ba le bantsi. O ne gape a supa fa go le botlhokwa gore e re motho a tla go aba madi a mmele a bo a itekanetse. Rre Choko o ne a tlhalosa fa motho a aba madi a mmele fa bokete jwa mmele wa gagwe bo feta masome a matlhano e bile a le dingwaga tse di fa gare ga lesome le borataro le masome a marataro le bosupa. O ne a tlhalosa fa bomme ba boa ba aba madi gape morago ga kgwedi tse nne fa borre bone ba nna lebaka la kgwedi tse tlharo gore ba e go aba madi legato le le latelang. BOKHUTLO
health
6
AFM ya Thamaga e pelonomi - Mabeo
Tona wa lephata la phiro le tokafatso dikitso, Rre Tshenolo Mabeo o akgoletse kereke ya Apostolic Faith Mission (AFM) kwa Thamaga mowa wa bopelonomi jaaka ba ne ba abela Mme Keneilwe Pule ntlo e e lopileng P140 000. E rile a bula ntlo eo e e dikamore tse pedi le sephato, a re lerato le le kalo le le supilweng ke phuthego le rurifatsa lerato la Modimo. Tona Mabeo o ne a tlhalosa fa kereke e le motheo wa dilo tse di ntsi, a afa sekai sa gore fela jaaka lefatshe leno le tlhaetswe mo molaong wa Modimo, kereke ke motheo wa lelwapa. A re fa tsotlhe tse dintle di simolola kwa malwapeng, tiro ya kereke e nna motlhofo. Rre Mabeo o gateletse ntlha e ka go re lerato le kagiso di tshwanetse tsa nna teng mo malapeng ka gore fa di seyo mo baphutheging ba kereke tiro ya kereke e nna thata, mme fa di le teng mo kerekeng go motlhofo gore di anamele kwa setshabeng. Le fa go ntse jalo, tona o gwetlhile ba ba abetsweng go tlhokomela ntlo eo ka boammaaruri ka e le selwana, e bile kago e dirwa ka dithata ka go se motlhofo go dira tiro e e kalo. Ka jalo o galaleditse ba-na-le seabe botlhe ba ba tsereng karolo a ba eleletsa katlego mo go tsotlhe tse ba di dirang. Fa a afa tekodiso ya kago, Moruti Jobe Koosimile o ne a re ntlo eo e na le sebaka sa dingwaga tse tharo e ntse e agwa. O boletse gore kago e e simolodisitswe ke banana ba kereke morago ga gore mongwe wa bone a lemoge botlhoki kwa lapeng la ga Mme Pule mme a bona go tlhokafala gore letlhoko leo le potlakelwe. Rre Koosimile a re monana yoo o ne a gorosa molaetsa kwa phuthegong e e neng ya bona go tshwanela go itsolopanya go bona gore ba tsenya letsogo jang. A re phuthego e ne e kgothadiwa segolo bogolo ke gore kereke e rera mafoko a a molemo e bile mafoko a, a kgona go fetola pelo le botshelo jwa motho tota. O tlhalositse gape gore ga se kereke fela e e neng ya aga bonno jo e le nosi. O tlhalosa fa bangwe ka bongwe jwa bone, le dikompone tse di farologaneng di tshwana Car World, Jamal Trading, Hyper Home le Foamex Botswana mo go tse dingwe di tsentse letsogo ka go thusa ka didirisiwa gore kago e felele. Ntlo eo, e tsentswe dilwana tsa ntlo, matlhapelo a a feletseng le motlakase. Baithaopi bangwe ba solofeditse go rekela Mme Pule dijo kgwedi le kgwedi fa lephata la nyeletso lehuma le mo abetse tante e bananyana ba itlosang boduto mo go yone gore a obe letsogo ka yone. Mme Pule o lebogile kereke le botlhe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo e. A re mpho e e kalokalo e mo leretse boitumelo jo bo seng kana ka sepe mme tseo tsotlhe di supa fa e le ditiro tsa Modimo yo o tletseng lerato le mautlwelobotlhoko. Kereke e bile gape ya abela bana ba sekole ba le lesome digalase tse di balang.
society
9
Dipolaano ga se tharabololo - Brooks
Modulasetilo wa khansele potlana ya Kgalagadi, Rre Sam Brooks o kgadile dipolaano tse di ileng magoletsa mo lefatsheng leno tse gantsi di dirwang ke borre. O buile jalo kwa Omaweneno mo phitlhong ya modiri mongwe wa lephata la diphologolo le makgabisa naga, yo o neng a bolawa ke mokapelo wa gagwe kwa Gumare mme morago le ene a ipolaya. Rre Brooks o ne a supa fa puso e dirisa madi a mantsi ka go isa bodiredi kwa dikoleng le go ba ruta tiro a kaya seo e le poelo morago mo go yone ka e tshwanelwa ke go thapa ba bangwe go thiba diphatlha tsa ba ba tlhokafetseng. O ne a kaya gape fa ditiragalo tsa dipolaano di ama banana mme a ba kopa go fedisa mokgwa oo ka e le bone babusi ba lefatshe leno ba ka moso. Rre Brooks o ne a kopa baeteledipele ba maphata a puso aa farologanyeng gore fa go na le dikgang tsa go tlhoka dikutlwisisano tsa bakapelo ba ba mo lephateng gape ba bapile ba fudusediwe kwa lefelong le lengwe le le kgakala go ya go berekela teng. Mabapi le tiraglo eo o ne a kopa gore bana ba yo o tlhokafetseng ba sidilwe maikutlo bogolo jang wa nagwaga tse tlhano wa mosetsanyana ka tiragalo eo e diragetse mo matlhong a bone. Modulasetilo o supile fa go bolaya yo mongwe go sa letlelesege ka ebile e le boleo go ya ka fa molaong wa modimo. Rre Brooks o ne a bua a menne phatlha fa dikgang tsa mofuta oo di utlwisa botlhoko ka di tlogela bohutsana le matlhotlha pelo mo go ba ba neng ba ikaegile ka yo o tlhokafetseng. Monnasetilo wa khansele potlana ya kgalagadi yo ebileng e le mokhanselara wa Tsabong bokone o ne a kopa borre go tlogela mokgwa oo setlhogo oo wa go bolaya bakapelo ba bone mme ba ba tseye jaaka bokgaitsadia bone. A Kaya fa gape go bolaya e se tharabololo mme e le go tlogelela ba ba setseng ka kutlobotlhoko bohutsana. O ne a kgothatsa borre go nna ba ipha sebaka sa go ikakanya pele le go nna le dipuisano le bakapelo ba bone pele ga ba ka tsaya ditshwetso tse di seng maleba ka molemo wa kgang e le go buiwa le gone go kopa dithuso mo go ba ba lebaneng jaaka mapodisi, dikgosi,badiri ka bone , ditsala le batsadi ka seo se ka thusa go rarabolola dikgang tsa bone. O ne gape a kgothatsa batsadi ba ngwana wa mosimane le wa mosetsana gore mo dikgannyeng tse di ntseng jalo go dirisana mmogo le go tshwaragana bogolo jang fa go tlogetswe bana. Rre Brooks o ne a gakolola batsadi ka molao wa bana wa 2008 oo letlang gore ngwana o tshwanetse ke go itse batsadi ba gagwe botlhe le go utlwa bothito jwa lorato lwa bone boobabedi le gone go mo tlhokomela botlhe. O ne a kopa gape bomme go tlhama dikomiti tse ka tsone ba ka kgonang go emisa kgokagontso ya borre, le gore seo gape seka ba thusa tshidilo maikutlo mo go bangwe ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo matshelong a bone a tsatstsi le letsatsi. A tlatsa ka go gakolola batsadi go nna le botsalano le bana ba bone ka seo se ka thusa thata mo go kopeng dikgakololo mo go bone mabapi le tsa marato. BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
Kgosi Malope II o kuile dikgafela
Kgosi Malope II wa ga Ngwaketse o sa tswa go kua dikgafela tse di tlaa tshwarwang Phalane a tlhola malatsi a le masome mabedi. Kgosi o ne a biditse lebatla ka Labararo mo Kanye, a bolela fa mabele a tlaa tsisiwa kwa kgosing kgwedi eno. Kgosi o boletse fa dikgosana mo Kanye di le malala a laotswe. O boletse fa dikgafela di ne di dirwa bogologolo e le go leboga le go kopa pula gore morafe o ye go lema. Kgosi o ngongoregile ka bana ba ba sa utlweng mo Kanye ba ba ipitsang matsetsenkane, ba betsa batho bosigo le go ba kgothosa. O boletse fa molao o ba bofile matsogo ka gore batho jaanong ga ba itewe mo mokwatleng jaaka bogologolo. O boletse fa thupa ya marago e sa ba dire sepe. Kgosi o boletse gape gore bana jaanong ga ba otlhaiwa ba ikuela kwa ChildLine, ba re ba na le ditshwanelo. Fa a tlatsa, mothusa kgosi kgolo, Kgosi Kebapetse Telekelo, o boletse fa dikgafela e le bontlha bongwe ja ngwao. O boletse fa monongwaga di tlaa dirwa mo Kanye mme ngwaga o o tlang di tla bitswa go tlhe mo kgaolong ya ga Ngwaketse ka bophara. O boletse fa dikgafela go nowa bojalwa, go ipelwa go kopiwa pula. A re morafe o tlaa bo o tshware dikala tsa setlhare sa Moologa. Kgosi Telekelo o boletse fa mabele aa isiwang ke morafe ko kgosing e le o ne a dirang bojalwa fa a salang a busetswa ko dikgotlaneng gore dikgosana di thuse ba ba welang mo isong ko dikgotleng tsa tsone. O kopile gore dikgosana di tsenye leitlho gore ba ba tlhokang ba thusiwe. O boletse fa morago ga dikgafela kgosi a bo a bolotsa letsema. Fa morafe o akgela o akgotse thata gore go nne le dikgafela di harologane le letsatsi la ngwao, mme ba ngongorega gore morafe otlhe wa bangwaketse ba tshwanetse gore ba agele mafoko a kgosi mosako. Ba ngongoregile ka botlhokatsebe ga banana mo Kanye.ba kopile gore batsadi ba thuse mapodise go lwantsha seemo. Mogolwane wa mapodise Senior Superintendent Ruben Mphoeng o boletse fa bana ba tswa mo malwapeng, a kgala batsadi go bitsa bana ba ba bitsang bana maina ina e kare ke poko. O kopile gore batsadi ba thusane le mapodisi go lwantsha seemo go laya bana le go ba tlhokomela.Ends
arts_culture_entertainment_and_media
0
Ba Palamaokue ba lela ka lenyora
Balemi- barui ba masimo a Palamaokue ba ikuetse mo mopalamenteng wa bone, Rre Kgotla Autlwetse go ba thusa go bona gore sediba sa bone se a gokelwa ka ba tsamaya sekgala go bona metsi. Banni ba masimo a, ba buile jaana kwa phuthegong ya kgotla e e neng e tshwerwe kwa masimong a bone ka Laboraro. Modulasetilo wa komiti ya balemi-barui, Rre Tebogo Machoro a re mo bogompienong ba nwa mo matamong a a nosang leruo, selo se a reng ga se a ba siamela. Modulasetilo o supile fa kgaolo ya bone e babaletswe ke leuba. A re ba bone sediba sengwe se se kileng sa diriswa bogologolo mme ba isitse kopo kwa go ba ditsha kwa Paje gore a ba ka seke ba se fiwe. Rre Machoro o tlhalositse fa go na le ketsaetsego ya gore ba wela kae ka bangwe ba bone ba phaka peo kwa Paje fa bangwe ba phaka kwa Serowe. A re ba thusiwa ke bakenti ba Serowe, ka jalo a re go botlhokwa go itse gore tota ba wela jang kwa Paje ntswa bone ba itse e le ba kgotla ya Swaneng. Fa a mo tlatsa, Rre Dithapelo Baliki o lebogetse gore ba bone tsela ka lenaneo la namola leuba mme a tlhalosa fa e ise e fele ka mabaka a a farologaneng jaaka go tlhoka kutlwisisano le go farologana ka megopolo. Banni ba ne ba lela ka mogotlha, ba tlhalosa fa o le kwa sekgweng mme se, se rotloetsa bogodu ka fa gongwe ba fitlhela meswang e ba sa itseng gore ke ya bomang, ba kopa gore go sekasekwe selo se thata go bonwe lefelo le le ba siametseng. Fa a ba kgwa dikgaba, mopalamente wa Serowe Bokone, yo gape e leng mothusa tona wa dikgaolo le tlhabolola magae, Rre Autlwetse a re ba itlamileng gore ba tlaa thusa go gokela sediba se ba se boneng fa e le gore ditshekatsheko di ka supa fa se na le metsi. A re keletso ke gore Batswana ba tswe mo metsing a matamo ba lebe didiba dingwe tse di kileng tsa epiwa ke puso le bangwe go nosa batho. A re metsi a matamo a ama le tsone diphologolo e be di feletse e le tsa boleng jo bo kwa tlase ntateng ya one metsi a, a a bakang le bolwetse jwa mabele. Rre Autlwetse a re go a tshwenya gore go bo go santse go sena matlwana a boithomelo kwa masimo. A re fa pula e na, e gogela leswe lotlhe kwa tamong. A re tebego le monko wa metsi a, e a tshwenya mme a ba kgothatsa go aga matlwana. A re tsholofelo ke gore mo bogautshwaneng kgang ya sediba sa bone e bo e rarabologile go bona gore ba na le metsi a a siameng a bo a supa fa puso e itlamile go dira ditsela mo masimong ka e le yone e ba gokaganyang le marekisetso. Rre Autlwetse o supile fa seemo sa ditsela se tshwenya. A re Serowe ka kakaretso ga a tsamaege. Gore ba wela kae, mopalamente a re e rile go segwa melelwane, bontlha bongwe jwa Monokela jwa wela kwa Paje. A re lekoko le sekaseka melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi morago ga ngwaga tse some. A re go a tle go diragale gore molelwane o tsene motse ka bogare mme le fa go ntse jalo, se ga se rontshe batho kgotla ya bone. Rre Autlwetse a re ka sepolotiki, bangwe ke ba Paje fa bangwe e le ba Swaneng mme a ba gakolola go tsaya se ka tlhoafalo go itsa go kgotlela ditlhopho, ka motho a sa letlelelwe go tlhopha kwa kgaolong e e seng ya gagwe. Moitseanape kwa lephateng la tsadiso le tlhabololo leruo, Mme Keorapetse Makgabana o ne a tsaya kgang ya mogotlha mofago, go bona gore banni ba ka thusiwa jang.
society
9
Laphata la banana le World of Companies di abetse Shakwe
Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao le itshwaragantse le World Group of Companies le abetse sekole sa Shakwe Primary School didirisiwa tsa metshameko di akaretsa dikgwele tsa dinao le tsa diatla (volleyball) di le masome a mabedi le bongwe le pompo ya dikgwele mo Shakwe bosheng. Fa a bua mo moletlong wa go aba didirisiwa tsa metshameko bosheng, mogolwane yo o itebagantseng le tsa metshameko kwa lephateng leo kwa Mahalapye, Rre Onkabetse Lemo, o boletse fa Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao le kopile didirisiwa mo bagwebing ba World Group of Companies mme ba dineelwa. O kopile bana ba sekole gore ba dirise dikgwele tseo ka botlalo go itshidila mmele le go thabolola tshameko ya bone. O thalositse fa go itshidila mmele go ka ba tswela molemo ka go thusa mebele ya bone go lwantsha malwetsi gape go k aba thusa gore ban ne le mmele o o lekanetseng. O boletse fa gona le batshameki ba ba itshetsang ka metshameko jaaka Joel Mogorosi mme fa bole ele ban aba sekolo b aka tsaya metshameko ka tlhwaafalo b aka helela ba tshwana le ene. Le fa go ntse jalo Rre Lemo one aba thagisa gore ba seka ba beela dithuto tsa bone ka fa thoko ba itebaganya le metshameko, a thalosa gore thuto e tla pele. Fa a lebogela dimpho morutabana yo o itebagantseng le metshameko Mme Lethomame Losaba one a lebogela Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao le World Group of Companies go bo ba abetse sekolo sa bone didirisiwa tsa metshameko, one a ba solofetsa gore ba tlaa di somarela hela thata. Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao le tshwaragane le World Group of Companies le mo letsholong la go abela dikolo tsothe tse dipotlana mo kgaolong ya Mahalapye.
education
4
Batsaya-karolo ba rapelela tsela
Mapodisi a a direlang mo kgaolong ya Good Hope-Mabule, baruti, maloko a dikereke ka go farologana le badirelapuso, e ne ya re mo bekeng e, ba phuthaganela fa makopanelong a ditsela tsa Good Hope, Ramatlabama le Pitsane go rapelela tsela eo. E re jaaka malatsi a paseka a atumetse, e bile tiriso ya ditsela e tlaa bo e tsholetsega mo malatsing a, boeteledipele jwa kgaolo bo ne jwa bona go le botlhokwa go lebisa matlho le tumelo ya bone kwa Modimong go kopa tshireletsego le pabalesego jaaka ba tsaya mesepele go leba kwa mafelong a a farologaneng. Ba ne gape ba dirisa nako e, le gone go rapelela kgaolo ya bone gore dikotsi tsa tsela ya kgaolo ya bone di fokotsege ga mmogo le jone borukutlhi jo bo apesitseng banni ba kgaolo eo, kobo ka letshoba. Dibui ka go farologana kwa thapelong eo, ba ne ba supa fa ba tshwentswe bogolo jang ke dikotsi tsa tsela e e tswang Lobatse go ya Ramatlabama, ga mmogo le borukutlhi jo bo dirwang bogolo jang ke banana ba gantsi o fitlhelang ba itshietse bojalwa. Fa a supa matshwenyego a bone e le ba sepodise, mogolwane yo o okametseng sepodise mo kgaolong ya botlhaba jwa Botswana Rre Stephen Majaha o ne a gakolola botlhe gore pele ga ba tsaya ditshwetso tsa go dira borukutlhi, ba akanye pele gore fa e ne e le bone ba dirwa jalo, ba ka bo ba tseega jang. O ne gape a kopa bakgweetsi go emisa go nwa bojalwa ba bo ba kgweetsa, a tlatsa ka gore koloi le bojalwa ke disela mmapa. O ne bogolo thata a gakolola ba ba tla bong ba hirisitse dikoloi tsa mosepele o mo leele, gore ba fe bakgweetsi ba bone nako ya go ikhutsa, a tlatsa ka gore bogolo ba hire bakgweetsi ba feta bongwe. Rre Majaha o supile fa dikotsi tsa tsela, Botswana jotlhe di nnile 411 mo ngwageng wa 2013, mme tsa nna 377 ka 2014 a tlatsa ka gore mo ngwageng ono di setse di le 86. Fa a supa dipalo tsa borukutlhi le dikotsi tsa kgaolo eo mogolwane wa Sepodise wa kgaolo ya Good Hope - Mabule Rre Tshegofatso Mokumakwa o ne a supa matshwenyego a dipalo tsa borukutlhi le dikotsi tse di diragalang thata mo motseng wa Pitsane. O ne a supa gape fa bontsi ja borukutlhi bo dirwa mo matlong a beng ba one ba agileng ba bo ba ya go nna kwa ditoropong kwa ba direlang teng. Fa a bala dipalo, Rre Mokumakwa o boletse fa dipego tsa go thuba mo matlong di nnile 32 ka ngwaga otlhe wa 2014 mme mo nakong eno go simolola ka January di setse di le 6. Fa a supa dikotsi tsa dikoloi, o ne a bolela fa mo ngawgeng o o fetileng otlhe, dikotsi di nnile 44 mme gompieno ba setse ba kwadisitse di le lesome. O ne a supa fa mo dikotsing di le lesome tse ba setseng ba di kwadisitse, go setse go tlhokafetse batho ba le babedi mo go tsone. Kwa tirelong eo, baruti ka go farologana, ba ne ba ema ka dinao go rapelela kgaolo ga mmogo le gone go kgothatsa botlhe b a ba neng ba tseneletse thapelo go tswelela ba rapela, go nna le tumelo le tshepho ya gore Modimo o tla babalela bao ba ba tsayang mosepele o mo leele ka malatsi a paseka. Ba ne gape ba kgaogana le batho lefoko la Modimo go leka go kgalema ditiro tsa borukutlhi le go nwa bojalwa, ga mmogo le go dirisa ditagi, ba supa fa e le tsone di oketsang mathata.Fa a ntsha mafoko a malebo kwa bofelong jwa tiro, Kgosi Lotlaamoreng o ne a supa matshwenyego a dikotsi mo kgaolong, mme a akgola botlhe ba ba nnileng le seabe mo merapelong eo.
religion_and_belief
8
Mathuba o itshetsa ka borotho
Letlhoko la ditiro le gwetlha bangwe go ema ka dinao go dirisa diatla tsa bone go itshetsa. Mme Kesego Mathuba (46) wa Mahalapye o lemogile fa phokoje go tshela yo dithetsenyana ka jalo a dirisa kitso ya gagwe ya kapei ya borotho go ikinola mo lehumeng. Toro ya ga Mme Mathuba ya go itshetsa ka kapei ya borotho e fetogile leruri ka ngwaga wa 2014. “Kgwetlho ya go gola ke sa bereke e mputse matlho gore ke eme ka dinao ke itirele se nka itshetsang ka sone. Ke ne ka dirisa kitso yame ya kapei ya borotho,” ga tlhalosa Mme Mathuba mo potsolotsong bosheng. Le fa a kile a dira maiteko a go kopa dithuso, Mme Mathuba a re go tlhoka go atlega mo kopong ya gagwe go ne ga seka ga mo kgoba marapo ka jalo a gwetlhega go tswa ka maano a a ka mo thusang go godisa kitso ya gagwe go simolola kgwebo.. Le fa go ntse jalo, Mme Mathuba a re dikgwetlho tsa botshelo jaaka go tlhokomela ba lelwapa la gagwe di ne di mo gwetlha go ema ka dinao go phunya motswedi wa itshetso. “Ka thuso ya madi go tswa mo go kgaitsadiake, lerato lame la kapei le tsweletse e bile le fetogile kgwebo.Ke simolotse ka go apaya borotho e le go lekeletsa, mme ka Modimo o sa je nkabo, ka lemoga fa tatso ya kapei yame e kgotsofatsa baji ba borotho,” ga tlhalosa Mme Mathuba. O supile gore kgwebo ya gagwe ya kapei e rotloediwa thata ke babereki ka go farologana le setshaba ka kakaretso. Mme Mathiba a re kgwebo ya gagwe e godile, e bile o apaya mefuta ya borotho ka go farologana le go rekisa seno tsididi sa gemere. Mme Mathuba a re o tsweletse ka go atolosa mmaraka wa kgwebo ya gagwe. “Ka ngwaga wa 2018, ke ne ka tsenya kopo kwa khanseleng, go apeela bana ba sekolo borotho, mme ka atlega ka fiwa thendara ya sekolo se se potlana sa Leetile. Lenaneo leo le thusitse thata go godisa mmaraka wa borotho le go oketsa letseno le ke le dirang.” O ne a tlatsa ka gore, ‘ke kgona go fiwa thendara ya go apaya borotho fa go na le diphuthego tsa babereki jaaka thuto-seka-dipuisano kana khansele.’ A re bareki ka bongwe ka bongwe mo mmolong o mogologolo wa Mahalapye ba rotloetsa kapei ya gagwe fela thata. “Mongwe wa bareki ba me ba tlhwatlhwa o feletse a bitsa kgwebo e leina la Bophelo.” O ne a tlhalosa gore leina leo le tlhalosa boleng jwa se ke se dirang ka gore ke ba fa nonofo ya go tswelela ba bereka ka natla ka jaana ba na le botshelo, ga tlhalosa Mme Mathuba. “Ke lebogela thotloetso ya banni ba Mahalapye, ka jalo ke tshela botshelo jo bo nang le boleng e bile ke lemoga mosola wa go rwala masigo ka tlhogo ke phakeletse go apaya borotho, e le ruri se ke jone bophelo.” Le fa kgwebo e santse e le potlana e bile e sena lefelo le e direlang mo go lone, Mme Mathuba o dumela fa se a se dirang se dirile phetogo mo botshelong jwa gagwe. “Ke eletsa go godisa kgwebo le go bula madirelo a kapei ya borotho.” O kgonne go thapa babereki ba le babedi go mo thusa mo tirong ya letsatsi le letsatsi ya go apaya le go rekisa borotho. O tsweletse a rotloetsa ba ba sa kgonang go bona tiro jaaka ene gore ba seka ba ineela ba itshekatsheke mme ba dirise kitso tse ba nang le tsone go fetola matshelo a bone. “O seka wa ineela o santse o tshela, ema ka dinao o fetole botshelo jwa gago.” Mme Mathuba a re boroko ga se khumo ka jalo go botlhokwa go dirisa nako e ntsi go leka maano a a ka tokafatsang botshelo ka re ope a seka a tlhabiwa ke ditlhong go bonwa a raletse motse a rekisa borotho kana a dira sepe fela se se ka mo tshedisang. ENDS
economy_business_and_finance
3
Kago ya ditsela tsa Bobirwa e kwa morago
Makhanselara a kgaolo potlana ya Bobirwa a re ditiro tsa kgaolo jaaka ditsela di saletse kwa morago. Fa a bua mo phuthegong ya khansele potlana kwa Bobonong, mokhanselara wa Mathathane gape e le modulasetilo wa khansele potlana ya Bobirwa, Rre Ishmael Legwaila, a re ke maikarabelo a bone e le makhanselara go bona gore ba isa ditirelo kwa baaging ba kgaolo. O tlhalositse fa terata e e kgaoganyang lefatshe la Botswana le la Zimbabwe e digetswe fa fatshe jalo se, se dira gore dikgomo le ditlou di nne le sebaka sa go gobeya mo molelwaneng o. Mokhanselara wa Molalatau, Rre Nathaniel Moribame ene a re seemo sa ditsela se a tshwenya mo kgaolong mme se, se ba pateletsa go tsaya dikgato tse di maleba gore seemo se tokafale. O supile fa bontsi jwa bakgweetsi bo senyegelwa ke dikoloi ka lebaka la ditsela tse di epegileng thata. A re ba lephata la ditsela ba tshwanetse go ikitaya ka thupana go bona gore seemo sa ditsela se a tokafala. Fa a ntsha la gagwe mokhanselara wa Bobonong Bokone, Mme Philly Segabo a re ke nako ya gore lephata la ditsela le diragatse ditsholofetso tsa lone tsa go baakanya borogo jwa noka ya Keisane mo kgaolong ya Bobirwa. E re dikgang di eme jalo,ba matlhoko a leruo gone kwa Bobonong ba supa fa ba kopana le dikgwetlho di tshwana le ditlou tse di ba itsang go ka baakanya terata e e kwa molelwaneng wa Botswana le Zimbabwe mo kgaolong eo. Dr Olorato Tshireletso o tlhalositse fa ditlou gantsi di diga terata fa di tsamaya le bana. O supile fa dikgwetlho tse dingwe jaaka tlhaelo ya bodiredi le koloi e le dingwe tsa tse di ba kgoreletsang go ka baakanya terata eo. A re go thapilwe badiri ba le babedi kwa Tuli Cycle le Mabolwe go baakanya terata. Dr Tshireletso a re ba mo tseleng ya go ka tsaya babereki ba Ipelegeng go baakanya terata gammogo le go tla ka methale e mengwe jaaka go epela mapako a masha le go dirisa terata ya buffalo fence. O tlhalositse fa e tla a re mo bogaufing ba simolola go kentela dintsa bolwetsi jwa molafo mme ba tla simolola ka mafelo a manyenyane jaaka Tsetsejwe..
politics
7
Ba ga Ngwaketse ba tlaa ipelela ngwao
Modulasetilo wa Mmakgodumo Heritage and Cultural Festival, Rre Tsietsi Kebualemang, o kopile Bangwaketse go ipaakanyetsa malatsi a ipelelo ngwao ya bone. E rile a bua mo phuthegong kwa kgotleng yoora Segotshane bosheng, Rre Kebualemang a tlhalosa fa ipelelo ngwao ya monongwaga e tlaa tsaya malatsi a le mararo. O tlhalositse gore moletlo o tlaa simolola kgwedi ya Phalane e le malatsi a le lesome mme e fele Phalane a le malatsi a le lesome le boraro. A re ba bone go tshwanela gore moletlo o nne malatsi a le mararo gore Bangwaketse ba je monate. Rre Kebualemang o tlhalositse fa ba tlhophile kgwedi ya Phalane ka ditlhare di tlaa bo di thuntse go ntse go ntle e bile go kgatlhisa. Rre Kebualemang o tsweletse a bua gore go tlaa bo go o sha legong go sala molora ka malatsi a moletlo oo. A re ba tlaa bo ba dira ditshupegetso tsa ngwao ya Sengwaketse. O buile gore go tlaa bo go tlhabiwa mainane, go bokiwa, go binwa mmino wa setapa, phathisi, dikhwaere, go tshamekiwa metshameko e tshwana le koi, morabaraba, diketo le go letsa setinkane. A re gape go tlaa bo go supiwa ditiro tsa Setswana di tshwana le go thuga mabele, le go betla ditilo tsa dikgole. Rre Kebualemang a re monongwaga go tsenwa ka P20 tlhogo ya motho ka Labotlhano le letsatsi la Tshipi.A re koloi le yone e duelelwa P20. O tlhalositse fa bagwebi ba ba tlang go supa dithoto tsa bone ba tlaa duela P250, fa ba ba rekisang dijo bone ba tlaa duela P400. O tlhalositse gore barekisi ba dijo ba tlaa letlelelwa go rekisa dijo tsa Setswana fela ka malatsi ao ke a ipelelo ngwao.
arts_culture_entertainment_and_media
0
Mokgatlho wa borre o gatela pele
Ba mokgatlho wa Men Sector mo kgaolong ya Nhabe ba gatetse pele mo ditirelong tsa bone morago ga gore mokgatlho o tseye dingwaganyana o sa dire sentle. Maloko a mokgatlho a e leng borre ba ne ba tsaya tshwetso ya go o tsosolosa ngogola ba sena go lemoga fa borre ba le bantsi ba tlhoka dithuso, e bile ba goga dinao go itlhatlhobela malwetsi a akretsa HIV. Modulasetilo wa mokgatlho, Rre Itumeleng Takhwiria o rurifaditse seo a re ba setse ba kgonne go le gontsi mo mananeong a bone. O tlhalositse jalo fa a lekodisa maloko a mokgatlho mo bokopanong jo maikaelelo a jone e neng e le go tla go itshekatsheka go bona gore a mme ba gata sentle. O tlhalositse fa ba ne ba tsosolosa mokgatlho ka ba ne ba lemoga fa borre ba angwa ke kgokgontsho ya malwapa mme ba aswa senku. Gape a re ba ne ba tlhobaediwa ke dikgang tse di fatlhang tsa tlhakanelo dikobo ya borre le bana ba bannye. A re fa ba simolola, go ne go se motlhofo bogolo jang ka bontsi jwa maloko a bone e le babereki, a tlatsa ka go re ba simolotse fela mo legoeleleng ba sena le fa e le thebe yo montshonyana. A re letlhoko la madi ke kgwetlho e tona e e neng e ba paledisa go dira dingwe tsa ditirelo tsa bone mme a supa fa ka tshwaragano le thata ya Modimo ba kgonne dingwe tse ba neng ba di ipeile pele. Rre Takhwiri a re ba kgonne dingwe tsa ditirelo tsa bone ka go tshwaragana le makalana mangwe. O ikuetse mo go ba dikgwebo go ba tshologa mokgosi ka a re mokgatlho wa bone ga o dire madi kwa ntle ga dithuso go tswa kwa pusong, tse a reng ga di a lekana gore ba ka kgona maitlamo otlhe a bone. Mothusa modulasetilo wa mokgatlho, Rre Obakeng Kheru o ne a nankola mangwe a mananeo a bone jaaka go rulaganya tlhatlhobo ya mogare wa HIV ya bakapelo ba ba nnang mmogo ba sa nyalana, le bone bakapelo ba bong jo bo tshwanang. A re lenaneo le lengwe ke go tshwarela borre kwa kgweleng ya dinao ya Sontaga ka jaana ba itemogetse fa ba ketemela kwa mabaleng ka bontsi. A re nako e gorogile ya gore ba tsene motse le motsena go ralala kgaolo go rotloetsa tlhakanelo dikobo e e sireletsegileng. Moruti wa kerekeng ya Lontone e bile e le mothusa modulasetilo wa lekgotla la baruti, Rre Boikobo Nthobatsang o ne a akgola komiti ya mokgatlho oo a re ba dira tiro e ntle thata. O ba gwetlhile go tsena le mo dikerekeng a supa fa dikereke dingwe di seyo mo lekgotleng.
health
6
Barui ba lela ka bogodu jwa ditonki
Modulasetilo wa komiti ya balemi-barui kwa masimo a Makoro gaufi le Palapye, Mme Tshiamo Tabona a re ba lela selelo le khuranyo ya meno ka bogudu jwa ditonki jo bo golelang pele koo. Mme Tabona o tlhaloseditse BOPA fa bogodu jwa ditonki bo kekela mme go lemotshegile fa batho ka bontsi gompieno ba amogetse go ja tonki e bile bangwe ba e rekisetsa batswakwa. A re bogodu jo bo ba apesitse kobo ka letshoba ka go bo matshelo a bone kwa masimo a ikaegile ka ditonki. O supile fa bogodu jwa ditonki bo amile go lema, go gelela metsi, go rwalela dikgong go rekisa, e le nngwe tsela ya go itshetsa mme e bile go amile le motsamao wa bone ka tonki e le sone sepalamo. A re se se ngomolang pelo ke go bo magodu a ditonki ba kgaola terata e e laolang metsamao ya leruo bosigo mme ba di gatelele di le mokawana. O supile fa go kgaolwa terata e e laolang motsamao wa leruo go baya leruo la bone mo diphatseng tsa go thulwa ke dikoloi ka go bo masimo a bone a le fa tlase ga tsela ya A1. A re gangwe le gape fa ba kopane e le komiti ya balemi- barui kwa Makoro, barui ba supa matshwenyego a go nyelela ga ditonki, a tlhalosa fa go setse go utswilwe ditonki di feta masome a mabedi O kaile fa maiteko a go tshwara magodu a itaya sefololetse, sebe sa phiri e le go bo tirisano mmogo mo baruing le sepodisi e reketla. Mo go tse dingwe, Mme Tabona o kgadile balemi bangwe kwa Makoro ba ba lemang ka lenaneo la ISPAAD mme morago ba phuaganye temo. O supile fa balemi bao ba le matlhagatlhaga ka nako ya fa go bewa tema mme morago ba boele gae go bereka ditiro tsa kwa gae. A re tshimo e tlhoka go tlhokomelwa, ka jalo balemi ba tshwanetse go tlhomamisa ka nako tsotlhe gore ba ntsha mhero mo masimo le go bona gore legora la tshimo le mo seemong se se siameng. A re tshenyo e e bakwang ke dikgomo ke ka ntata ya go tlhoka go tlhokomelwa ga masimo. Mme Tabona o supile fa nako dingwe beng ba masimo ba tlogela ditshimo mo diatleng tsa badisa, mme ba ye gae, seo se dire gore modisa le ene a nne kwa ga motlhakga. O kaile fa go tlogela tshimo le modisa go baka kgotlhang gareng ga modisa le mhiri ka go bo tumalano e ne e le go tlhokomela leruo e seng tshimo. A re go ngomola pelo go bo puso e dirisa madi a mantsi ka lenaneo la ISPAAD go ntsha Batswana mo lehumeng mme bangwe ba tsweletse ka go busetsa maiteko a puso kwa morago ka go sa tlhokomeleng masimo a bone. O kaile fa puso e tshwanetse go baya balemi ba go nna jalo leitlho gore ba tseelwe dikgato tse di maleba fa go tlhokega. Ends
crime_law_and_justice
1
Ditlhare le dithunya di tshwere Bose
Batswana bangwe ba tsweletse ka go leka bojotlhe go itlhamela ditiro go na le go ikaega mo pusong. Mongwe wa bone ke Mme Mmoledi Bose wa dingwaga tse di masome a supa le botlhano yo o tlholegang kwa kgotleng yoora-Bose kwa Mogonye. A re o simolotse kgwebo ya go lema ditlhare le dithunya ka ngwaga wa 1998 a santse a berekela kwa lephateng la temo thuo kwa Gaborone mme yare a tlogela tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2000 a bona go le maleba g o ijesa ka kgwebo eo ka e bile a ne a ntse a rata tiro e. Mme Bose o lema ditlhare tsa maungo jaaka dinamoni le dinnaraki, mme setlhare se le sengwe o se rekisa P20. Dithunya tse a di rekisang ke Rose, Benjamin, Scheflera le tse dingwe mme di simolola ka tlhwatlhwa ya P20 sethunya. A re dithunya le ditlhare tse, o di lema ka mmu o o setseng o bodule o o tswang kwa maropeng a meraka e e gaufi le motse. A re o bapala mmu oo ka dibata go ya go lema ka one ka a lemogile gore ke one o o itumedisang dijalo tsa gagwe. “E re ntswa ke le mogodi, bogodi jwa me ga bo nkgoreletse ka sepe mo tirong e ya go lema ditlhare e bile ke tiro e ke e dirang ke le nosi ke sa thusiwe ke ope ntswa e le tiro e e boketenyana. Ka dinako tse dingwe ke dirisa maatla a mantsi ke tlhagolela ditlhare tse go ntsha mhero”, Mme Bose a tlhalosa. A re ntswa kgwebo e sa busetse dipoelo tse di kgotsofatsang o itumelela gore fa khansele potlana ya Moshupa e dirile letsatsi la theko le thekiso o bona dipoelo tse di botoka. A re o lebogela gore go dira jalo ba rotloetsa kgwebo ya gagwe. Le fa go ntse jalo Bose a re mo ngwageng eno ga a dira dipoelo jaaka dinako tsotlhe ka letlhoko la metsi le ile magoletsa. A re seemo seo se dirile gore ditlhare di swe ka bontsi ebile dithunya tsa rose di jewe ke tsiakgope. A re ke poelo-morago ka jaana go tsaya sebaka go boela mo seemong sa dinako tsotlhe. “Ke eletsa go leboga mothusa tautona Rre Mokgweetsi Masisi yo gape e leng mopalamente wa kgaolo go bo a nthotloetsa fela thata ka e le mongwe wa bareki ba tlhwatlhwa ka a reka ditlhare tsa me thata e bile a nthotloetsa gore ke seka ka tlhoboga kgwebo e le fa e ka wela tlase”, ga leboga Mme Bose. Bokhutlo
economy_business_and_finance
3
Puso e tlhabolola thuto
Tona wa lephata la thuto le tlhabololo kitso, Dr Pelonomi Venson-Moitoi, a re puso e ikaelela go tlhabolola seemo sa thuto ya lefatshe leno, go se dira sa maemo a ntlha. E rile fa a buisana le bakwaledi bagolo ba lekgotla la UNESCO mo Gaborone mo bosheng, a tlhalosa gore puso ya lefatshe leno e ikaeletse go dirisa madi a a bonalang mo mhameng wa thuto, go tlhabolola bodiredi. Bakwaledi bao ba ne ba etetse lefatshe leno malatsi a le mararo, go tsena phuthego ya go aga bodiredi. O tlhalositse gore lephata la gagwe le tshwaragane le go tokafatsa tsamaiso ya thuto, go e tswakanya le dikitso tsa go itshetsa. Dr Venson-Moitoi o ne a supa gore phuthego eo e tlaa fa lefatshe la Botswana sebaka sa go supegetsa mafatshe a mangwe maiteko le maikaelelo a lone mo go tlhabololeng thuto. Mafatshe a kgaolo ya borwa jwa Aferika, a a leng mo lekgotleng la UNESCO, a a itebagantseng le go dira ditshekatsheko, a akaretsa Botswana, Lesotho, Malawi, Mozambique, Namibia, Aferika Borwa, Swaziland, Zambia le Zimbabwe. Lekgotla le le na dingwaga di le mmalwa le rulaganya diphuthego, go fa mafatshe sebaka sa go gakololana ka tse di ka dirwang le go leba ditiro tse di tshwanetseng go potlakelwa. Mangwe a maikaelelo a matona a lekgotla la UNESCO ke go neela bana thuto e e tlaa ba solegelang molemo botshelo jotlhe, ka go ba neela kitso le thuto ya tlhaeletsano.
education
4
Ba bogosi ba abela bana
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgotlana ya Riverside mo Maun, Rre Suping Kebalepile o lebogetse bodiredi jwa kgotlakgolo ya Batawana go bo ba abetse bana ba ba-na-le bogole ba Moremi III Memorial School. Rre Kebalepile o ne a le kwa kabong dimpho e e neng e tshwaretwse kwa sekoleng seo ka Labobedi. Dimpho tseo di ne di akaretsa dino-tsididi di le makgolo a mane le masome a mabedi le mabotlolo a metsi a le makgolo a le mararo le masome a marataro. Modulasetilo o ne a tlhalosa fa ba dirile tiro e ntle e bile e le tona go bo ba gopotse bana ba ba-na- le bogole, a supa fa seo se ba kaya e le bogogi jwa motia. O ne gape a rotloetsa barutabana le batsadi ba bana go tswelela ba tshwaragane mo kgodisong le mo thutong ya bana, a tlhalosa fa maduo a tirisano mmogo eo a tsweletse ka go ntsha maduo a mantle mo sekoleng. Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Mme Ngonda Setlhare o ne a tlhalosa fa sekole seo e le se se faphegileng ka e le sone sa ntlha mo Bokone Bophirima le mo Maun go nna le lekalana la thuto ya ba-na-le bogole. Mme Setlhare o tlhalositse fa sekole seo se na le bana ba le makgolo a ferabobedi le masome a supa mme mo palong eo ba le lekgolo ke bana ba lekalana le la ba-na-le bogole. Mogokgo o ne a tlhalosa fa ba na le kgwetlho mo lekalaneng leo ya letlhoko la matlo a borutelo le didirisiwa tsa thuto tse di lebaganeng bana ba ba-na-le bogole. A re puso e leka go thusa mme ga e kgone matlhoko ao, ka jalo a gwetlha dikompone tse di ikemetseng le setshaba go thusa puso maikemisetso ao. O ne gape a ikuela mo dikomponeng go tsaya sekole seo ka lenaneo le le bidiwang ‘Adopt-a-school’ go thusa go se tlhabolola. Mongwe wa baithuti bao yo o mo mophatong wa bone (level 4) Rre James Modisane le ene fela jalo o ne a leboga ba kgotlakgolo go ba abela dimpho, a tlhalosa fa Modimo ka esi e le ene yo o ka ba lebogelang bopelotlhomogi le bopelontle jo a bo supileng mo go bone.
society
9
Lelwapa boremelelo jwa kgodiso ya ngwana
Tona wa tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu, a re lelwapa ke mokwatla wa kgodiso ya bana. Tona o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela malwapa o o neng o rulagantswe ke kereke ya Family Of God kwa Selebi Phikwe bosheng. A re moletlo wa go nna jaana o tlaa thusa malwapa a le mantsi go itshetlela. Tona Batshu a re malwapa mangwe a lebanwe ke masula l, ka jalo kereke e tshwanetse go tsaya boikarabelo jwa go itebaganya le matshosetsi otlhe a a gomagometsang go thubega ga malwapa. Tona Batshu o ne a tlhalosa gore Batswana ba tshwanetse go boela kwa mokgweng wa maloba kwa malwapa a neng a bopagane. Tona re lephata la gagwe le tshwentswe ke dikgang tse di golelang pele tse di supang fa bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro ba dirisiwang botlhaswa ke borre ba ba tshwanetseng go bo ba ka bo ba ba sireletsa. A re bana ba dingwaga tse di lesome le bongwe ba tsweletse ka go tshola bana mme a kgalema a menne phatla gore ga se mokgwa wa setho. O ne a kgothatsa dikereke go thusa puso go lwantsha mmaba o o tlhasetseng bana, a re bana ba tshwanetse go tlogelwa go akola bongwana jwa bone. Tona o tsweletse a re dipalo tsa batho ba ba nyalanang di wetse kwa tlase mo dingwageng tse tlhano go simolola ka 2010 go ema ka ngwaga wa 2014 a re se se supa gore batho ga ba sa tlhole ba na le tshepho mo lenyalong mme se se rotloetsa mowa wa go nna mmogo batho ba sa nyalana. Tona Batshu o kopile dikereke go tlhama mekgatlho e e tlaa rotloetsang lenyalo, mme a fa sekai ka mokgatlho wa Re-a-Nyalana o o simologileng ka ngwaga wa 2011 mme o setse o kopantse malwapa a le 2 466, a re se se rotloetsa kgodiso ya bana e e kopanetsweng ke batsadi botlhe. Kereke e ne ya abela lephata la dikgolegelo dimpho tsa go tlhapa di akaretsa melora le ditlolo.
society
9
Go sa duela mmereki ka nako ke molato
Go tlhoka go duela mmereki ka nako ke tlolo molao e e ka otlhaelwang motho. Se se tlhalositswe ke Tona wa tsa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, kwa Moreomaoto fa a tsibogela matshwenyego a gore dikhamphani dingwe tse di disang dikago ba tsaya lebaka go duela babereki ba bone. Rre Batshu a re molao wa pereko o laola gore fa o dumalane le mmereki gore o mo duela kgwedi e le kae o tshwanetse wa dira jalo. Le fa go ntse jalo, a re fa mohiri a ka palelwa ke go duela mmereki ka letsatsi la kgwedi le ba le dumalaneng molao o mo fa malatsi a pereko a le mararo fela gore a bo a duetse mmereki yoo, eseng jalo o abo o tlodile molao e bile o ka otlhaiwa. A re ba tlhaloseditse beng ba dikhamphani tse di disang dikago gore go nne go na le madi a a beetsweng fa thoko gore ba kgone go duela babereki ba bone ka nako. Mo go tse dingwe,Rre Batshu o ne a tlhalosa gore e tlaa re kgwedi ya Seetebosigo e simologa seelo sa dituelo tsa badisa se se kwa tlase (minimum wage) e tla bo e le makgolo a marataro le masome a babedi a dipula fa sa babareki ba mo malwapeng e tlaa nna masome a a supa a dipula,masome a fererabobedi le bosupa jwa dipula. O ne a gakolola gore,ka ditumalano, mohiri o ka rekela modisa dilo tse a di tlhokang ka madi a a sa feteng masome a mane mo lekgolong go tswa mo mading a modisa a kgwedi,mme a mo neele masome a marataro mo lekgolong a madi a gagwe. O ne a gakolola bahiri le babereki go tsena mo ditumalanong tsa pereko pele tiro e simologa, a re e ka nna ka mokwalo kgotsa ka molomo e bile ba ka nna le basupi. Bokhutlo
crime_law_and_justice
1
Kgaolo ya Borwa Botlhaba ya re ditlhabololo di a rotha
Makhanselara a kgaolo ya borwa botlhaba ba kopile puso go rarabolola tiego ya go tsisa ditlamelo mo kgaolong ya bone . Makhanselara ba buile se mo phuthegong kgolo ya khansele eo bosheng gore, ba re puso e tsaya nako e telele thata go ba atametsa ditlamelo. Mongwe wa makhanselara, Rre Kgabo Mabotseng wa kgaolwana ya Magopane a re kgaolo ga gagwe ya Magope ga ena ditlamelo di akaretsa metsi, motlakase, kokelo le ditsela. A re go tswa kgakala a kopela kgaolo eo ditlamelo mme go sena nko e e tswang lemina ka jaana a sa thusege. Rre Mabotseng a re go le gantsi ba a solofediwa mme go seke go diragale sepe, a bo a tlhalosa fa kgaolo ya gagwe ya Magope e kile ya solofediwa kokelo. Gape o ne a kopa ba botsogo go dira maiteko a go isa ditlamelo kwa banning ba Magope bogolo gangwefela ka kgwedi. Mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Matshediso Fologang ene one a re go lebega fa kgaolo ya borwa botlhaba e sa bone ditlamelo sentle. A re tshwetso ya puso ya go tsaya ditlamelo di tshwana le metsi go a isa kwa komponeng ya Water Utilities Corporation le go tsaya boikarabelo jwa dijo tsa bana ba dikole tse dipotlana, ga goa thusa go bona ditirelo tse di botoka. Rre Fologang o ne gape a lela ka lenaneo la Ipelegeng a re le sotla bagodi ba kgaolo ya Ramotswa. A re bagodi ba lala mo meleng ka tsholofelo ya gore e tlare fa go bulwa diofisi mo mosong e nne bone ba ntlha go ka thapiwa. Fa Mokhanselara Mme Nora Nkwe a ne a tlhalosa fa mafelo mangwe kwa Tlokweng a akaretsa Maratanang le Masetlheng a sena ditlamelo ntswa selelo sa bone se tswa kgakala. O ne a tlhalosa fa puso e retelelwa ke go tsaya madi mo bathong ba ba itekodisang kwa dikokelong tsa lefatshe leno. A re madi a puso e palelwang ke go a phutha mo dikokelong, a ne a ka thusa go reka melemo. Fa a tswa la gagwe molaodi wa kgaolo ya borwa botlhaba Rre Ian Tema o ne a tlhalosa fa selelo sa makhanselara se utlwala ebile sele maleba. Le gale, o ne a ba tlhalosetsa fa selelo sa letlhoko la ditirelo le aname le lefatshe leno lotlhe ebile puso e itsa ka se. Rre Tema o ne a tlhalosa fa gole botlhokwa thata gore maphata a a isang ditlamelo kwa bathong jaaka Water Utilities Corporation a nne a lekodisa morafe le boeteledipele jwa kgaolo ka ditirelo tsa bone le dikgwetso tse ba kopanang natso.BOPA
politics
7
Go runya ga marekisetso a bojalwa go a tshwenya
Mogolwane wa sepodisi sa Thamaga, Rre Thabo Mojwe, o tlhalosite gore sepodisi se tshwentswe ke go runya ga marekisetso a bojalwa kwa motseng oo. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla ka Mosupologo, Rre Moje a tlhalosa fa go na le marekisetso a dino a feta masome a mane mo motseng oo, mme a re se ke sone se kuketsang borukutlhi le tiriso ya diritibatsi. O ne a tlhalosa fa e bile marekisetso a mangwe a dino a sa obamele molao wa thekiso jaaka go tswala ka nako e e beilweng. A re e ne ya re ngwagatlola ba tshwara batho ba le 21 ka motokwane fa ba le 156 ba ne ba tshwarelwa go nwa bojalwa jo bo sa letlelesegeng. A re ngogola ba ba tshwerweng ka motokwane ba ne ba fokotsega go nna lesome fa ba le 244 ba tshwerwe ba itlhadiela fa go sa letlelelweng teng. O ne a tlhalosa fa seemo se se tlhobaetsa fela thata e bile se tshwanetse go emelwa ka dinao mme a kopa morafe go dirisanya le bone. Kgosi Segale Gobuamang o ne a tlhalosetsa morafe fa ba emisitse go fa batho teseletso ya go rekisa majalwa a a dirwang mo malwapeng ka jaana ba ne ba lemoga fa bangwe ba setse ba rekisa le majalwa a a sa letlelesegeng. O ne a tlhalosa fa ba beile seemo leitlho go bona gore se boela mannong.
health
6
Sorilatholo o tlaa bona motlakase
Molaodi wa kgaolo ya Kweneng, Dr Temba Mmusi o tlhaloseditse banni ba Sorilatholo fa motse wa bone o tlaa tsenngwa motlakase pele ga ngwaga o o tlang o ya fifing. O tlhalositse se mo phuthegong ya kgotla e a neng a e buisa kwa motseng oo ka Mosupologo, mme a tlhalosa fa se se tlaa araba selelo se banni ba sa bolong go se lela sa letlhoko la motlakase le go nna maoto a tshupa ga badirelapuso go berekela koo. Dr Mmusi o ne gape a kopa komiti ya ditlhabololo ya motse oo go aga matlo a boroko a badirelapuso go thusa go imolola puso mokgweleo. A re seo se tlaa bo se thuse le yone komiti eo go itirela letseno. Dr Mmusi o ne gape a kopa banni ba motse oo go seka ba tlelwa ke boitlhobogo mo lenaneong le lesha la go tsosolosa itsholelo ka jaana go lebega le sa ba tshwarela sepe se sentsi mo legatong la ntlha ka jaana le kgaogantswe ka magato a le mararo. A re le fa ntswa go ntse jalo, mananeo a mangwe a go ba tlhabolola a tlaa bo a ntse a tsweletse, ka jalo a ba kopa go nama ba dirisa one ba sa ntse ba emetse la go tsosolosa itsholelo. Mo go tse dingwe Dr Mmusi o ne a solofetsa banni ba motse oo fa a tlaa buisanya le ba bogosi kwa Molepolole mabapi le go okelediwa dikgosana tsa tetlanyo mo motseng wa bone. O ne gape a ba tlhalosetsa fa a tlaa buisanya le ba thuto go sekaseka kgonagalo ya gore barutabana ba nakwana ba ba ithaopetseng go berekala kwa motseng oo ba thapiwa e le ba sennela-ruri fa ba bangwe ba sa supe kgatlhego ya go ya koo. Dr Mmusi o ne a araba matshwenyego a ga Kgosi Olebetse Phemelo yo o neng a supa matshwenyego ka palo e a reng e kwa tlase ya dikgosi tsa tetlanyo mo motseg wa gagwe fa o tshwantshanngwa le e e mabapi e e lekanang le one. Kgosi Phemelo o ne gape a kopa puso gore e sekaseke kgonagalo ya go thapa barutabana ba nakwana ba ba berekelang koo e le ba sennela ruri ka jaana ba bangwe ba le maoto a tshupa go berekela kwa motseng oo. A re se se ka tokafatsa seemo sa thuto ka jaana barutabana ba nakwana ba fapaanngwa kgapetsa kgapetsa mme a re se ama bana ka jaana ba sena sebaka sa go tlwaela barutabana. Kgosi Phemelo o ne gape a lela ka tlhaelo ya diofisi tsa kgotla le koloi. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya motse, Mme Ompelege Nkwane ene o ne a lela ka tlhaelo ya matlo a bodiredi, bogolo jang barutabana. O ne gape a lela ka tlhaelo ya mananeo a tshwana le a ofisi ya bong mme a kopa gore ba dire maiteko a go tla kwa motseng oo go tla go ba tlhalosetsaa ka tsa ofisisi ya bone. Mme Nkwane o ne gape a lebogela matlo a batlhoki a a agilweng mo motseng oo, a supa fa a le lesome le boraro mo go a le lesome le borataro a setse a roletswe beng ba one. O ne gape a lebogela lenaneo la LIMID le a supileng fa bodiredi bo le tsamaisa ka matsetseleko mo kgaolong, ntle fela ga tlhaelo ya melemo fa le le fale. Dr Mmusi o ne a rulagantse phuthego e go tlhalosetsa banni ba motse oo ka mananeo a puso ka go farologana, magareng ga one e le la go tsosolosa itsholelo.ENDS
politics
7
Emisang go goga motsoko - Sefalana
Tiriso ya motsoko ke tshaka e e magale mabedi ka e ama botlhe le ba ba sa gogeng, gammogo le botsogo jwa motho le maitsholo. Se se builwe ke modulasetilo wa komiti ya botsogo le boitekanelo Mme Galegake Sefalana, mo potsolotsong le BOPA bosheng. A re go goga motsoko ke bolwetse mo motseng wa bone, a tlatsa ka gore le bana fela ba ba dingwaga di kwa tlase ba setse ba goga. A re bana ba dingwaga tse di lesome le borataro ba goga motsoko wa dinko gammogo le wa sekerese. Mme Sefalana a re seemo se, se tshwenya fela thata mme a kopa batsadi go kgalema bana ba bone ga mmogo le go tla ka ditharabololo tsa sennela ruri go bona gore baka fedisa tiriso ya motsoko jang mo motseng wa bone. O ne a kgala thata batho ba ba gogelang motsoko mo mafelong a setshaba jaaka kwa mapalamelong a dibase, dikokelo le a mangwe fela jalo. “Go gogela motsoko mo gare ga batho ga se botho gape motho yoo dirang jalo wa bo a bolaya ba ba sa gogeng, ka jalo bagogi ba one ba tshwanetse go o jela kgakala le setshaba,” a tlhalosa Mme Sefalana. A re maduo a motsoko ke a a seng monate gotlhelele ka motsoko o baka bolwetse jwa kankere, tlhaloganyo le a mangwe a bakang dintsho jaaka a a sa tshelanweng. A re nngwe ya metswako e e fitlhelwang mo motsokong e bidiwang nicotine e borai fela ka e ama dikaralo tsotlhe tsa mmele gammogo le boboko tota. “Motswako oo, o kgona go dira gore motho a ikutlwe a le mafolofolo fa a gogile, mme fa o seo lebakanyana mo mmeleng motho a ikutlwe a lapile ka jalo mmele wa bo o tlwaetsa motswako go sena gore o ka dira kwa ntle le one,” a tlhalosa jalo. Mme Sefalana a re fa motho a goga motsoko o koafatsa makgwafo, ebile o dira gore phefo e seka ya tsamaya sentle ka fa mmele o batlang ka teng. A re o kgala thata bomme ba ba gogang motsoko ba itsholofetse ka seo se le borai mo maseeng, a tlatsa ka gore ngwana yo amilweng ke motsoko o tshabelelwa ke malwetse a tshwana le a khupelo, go tlhoka pono le a mangwe. O tlhalosa gore motsoko fela jaaka bojalwa o fetola boleng jwa motho, le dikarolo tsa mmele jaaka moriri, dinala le letlalo, gape motho o ka tsenwa ke kankere ya letlalo. A re motswako wa nicotine, o ka baka kankere ya molomo, mala, kgokgotsho ga mmogo le dikaralo tse dingwe tse di ka kwa teng, mme a kopa banni ba Bonwapitse go emisa go goga motsoko ka e bile motsoko e se dijo tse di botlhokwa mo mmeleng. “Motsoko gape o ka rotloetsa malwetse ka bontsinyana jaaka jwa sukiri,” ga bua jalo Mme Sefalana. A re motsoko o ka thuba malwapa ka gore fa o setse o amile rre, keletso ya tlhakanelo dikobo e ya ko tlase fela thata, fa mo go bomme o dira gore ba seka ba kgotsofalela tlhakanelo dikobo. O tlhalositse gore motokwane o gogelwa fela mo pontsheng mo malatsing a gompieno, a tlatsa ka gore bogologolo o ne o gogelwa kwa ntle ga motse mo sephiring ka o se ka fa molaong, mme malatsi ano ke mokgabo go ja motokwane. A re se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore bomme le bone ba goga motokwane, a ipotsa gore a mme bana ba tlaa godisiwa sentle ga mmogo le gone go tlhokomelwa sentle. A re o eletsa gore puso e oketse dikatlholo tsa batho ba ba tshwarwang ka motokwane, a tlatsa ka gore tsa gompieno di kwa tlase fela thata. Mme Sefalana o boletse fa puso e dirisa madi a mantsi thata mo go alafeng bolwetse jwa tlhaloganyo ka ntlha ya tiriso ditagi. BOKHUTLO
health
6
Banana ba kgothadiwa go fokotsa nnotagi
Mothusa Kgosi ya motse wa Sefhopye, Rre Diloro Segwabe, o rotloeditse banana ba motse oo go fokotsa tiriso ya nnotagi phetelela ka e ka baka dintsho tsa dipolaano, go tsofala ga banana pele ga nako, letlhoko la madi le go tlhoka maitseo. Mothusa Kgosi o buile jalo kwa ipapatsong ya go thusa banana go fokotsa tiriso ya nnotagi phetelela e e neng e tshwaretswe kwa motseng wa Sefhophe; ipapatso e e atleng e tshwarwe lefatshe leno lotlhe ka bophara. Rre Mompati Marole, yo e leng mogolwane wa tsa ipapatso le ithutuntsho mo kgaolong ya Bobirwa, ka fa tlase ga tsa botsogo, a re ipapatso eo e remeletse thata mo bananeng ka ba iphitisa dino le go dirisa ditagi. A re maikaelelo a ipapatso eo ke go fokotsa boitshwaro jwa mofuta oo, ka dikotsi, dipetelelo le go ima ga banana di ile magoletsa ga mmogo le gone go tlhakanela dikobo mo go sa sireletsegang mo go felelang go baka kanamo ya mogare wa AIDS. Rre Marole o boletse fa ba setse ba ipapaditse mo metseng ya Tobane, Moletemane le Tsetsejwe, a ba a gatelela fa metse e e le yone e di gogang kwa pele mo tirisong ya dino botlhaswa mo kgaolong ya Bobirwa. A re ba kopanetse ipapatso e le banana ba badiragatsi gore ba natefise le go rutuntsha banana ka bone. O ne a bolela fa baeteledipele ba metse le banni ba motse le bone ba ba thusa ka go gatelela le go kgothatsa banana gore ba emise go dirisa nnotagi botlhaswa. O tlhalositse fa majwalwa a a itirelwang mo malapeng jaaka sekhokho, mokolwane le khadi le a sesha a a rekisiwang mo dibareng e le one a nowang thata. A re gape banana ga ba sale molao wa gore ba se ka ba reka ba le dingwaga tse di kwa tlase. Rre Masole o ne a gatelela fa barekise ba nnotagi le bone ba na le seabe sa go letlelela tiriso e e botlhaswa eo e e senyetsang banana bokamoso. O kgothaditse banana gore ba inaakanye le mananeo a puso a tla ba thusang go itshetsa. Mogolwane go tswa kwa lephatang la tsa botsogo, Rre Molefane Kelapile, o tlhalositse fa ipapatso e e nna e tshwarwa ngwaga le ngwaga go leka go fetola maitshwaro a a duleng mo tseleng a banana. O boletse fa bone mo lephateng la botsogo ba ema nokeng dikgaolo tsotlhe mo lefatsheng go gasa molaetsa o. A re gape molaetsa o o gasiwa ka go fa banana ba ba tlaabong ba tsile go reetsa; dibeke, dithoro le dikipara, tse ba tla nnang ba di dirisa go gasa molaetsa gongwe le gongwe kwa ba tlaabong ba le teng. Rre Kelapile a re gore leano le le atlege, ba nnile le banana fa fatshe mme banana ba ne ba ikopela gore kgaso ya molaetsa e dirwe ka go kopanya ithutuntsho le bodiragatsi go na le go ba rutuntsha fela ka tsela ya go ruta ka molomo e e tlwaelesegileng ya mo dikolong. O boletse fa ba nna ba dira gore motse o go tshwarelwang ithutuntsho mo go one le one o tsenye letsogo mo ipapatsong, gore e seka ya nna ekete o seegetswe ga thoko ntswa go rutuntshiwa banana ba one.
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Ba Ipelegeng ga ba na go kgaolelwa madi
Puso e tsere tshwetso ya gore fa babereki ba Ipelegeng ba ile kokelong le fa ba tsene diphuthego dingwe tsa motse ba seka ba emisetsa nako eo kgotsa ba kgaolelwa madi. Tshwetso e, e tlhalositswe ke mothusa tona wa lephata la dikgaolo le thabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso mo phuthegong ya kgotla kwa Kudumatse bosheng. O tlhalositse fa tshwetso e e ama dithuthego tsa ga kgosi, mokhanselara, mapalamentle kgotsa bo-tona le bathusi ba bone. Mme Tshireletso, yo o tlhalositseng fa mo mafelong mangwe go ntse go dirwa jalo, go tswa fela mo moeteledipeleng wa Ipelegeng a re jaanong tshwetso e e tla a diragadiwa lefatshe lotlhe. Le fa go ntse jalo a re mmereki wa Ipelegeng o tshwanetse go isa sesupo sa gore o tswa go bona ba botshogo eseng jalo otla tsewa fela jaaka yoo sa tlang tirong. O ne gape a ba rotloetsa go laela baeteledipele ba bone pele baya dikokelong. Fa ba ya kwa diphuthegong tsa methale e e tlhalositsweng,Mme Tshireletso a re le gone ba tshwanetse go laela baeteledipele ba bone. A re fa phuthego e fela pele ga nako ba tshwanetse go ya tirong go tsweledisa tiro ya letsatsi. O ne gape a tlhalosa gore mmereki wa Ipelegeng ga a tshwanelwa go roma ope gore a mo emele fa asa tla tirong, asupa gore “re ntse re utwalela gore bagwe ba ipelegeng ba kgona go romela ba masika go ba theogelela fa ba sa tla tirong”. O ne a supa matshwenyego a gore baeteledipele ba ipelegeng ba tlogela baberiki bao ba le nosi. O ne gape a supa gore gona le matshwenyego a gore babereki ba ipelegeng ga ba apeelwe sentle,a tlatswa ka gore o solofela gore go oketswa ga madi a dijo gotswa mogo masome a batlhano a dipula goya kwo go a masome a a supa a dipula go tla tiisa moko baba apayang dijo/ba ba apeelang ipelegeng.Bokhutlo
society
9
Mapodisi a Maun a tlhotlhomisa petelelo
Mapodisi a Maun a mo patlong ya monna mongwe yo go belaelwang a itseetse dikobo ka dikgoka mo mosetsaneng wa dingwaga tse di lesome le bosupa. Mo potsolotsong, mogolwane wa sepodisi, Superintendent Chenamo Orateng o tlhalositse fa mosetsana yoo a supile fa a ne a etetse mokapelo wa gagwe kwa kgotleng ya Botshabelo fa a tlaa kopana le monna yoo Seetebosigo a tlhola ga tlhano. A re mosetsana yoo o tlhalositse fa a ne a tsamaya mo tseleng bosigo morago ga nako ya boferabongwe fa monna yoo a mo gogela mo sekgweng a bo a itseela dikobo ka dikgoka. Supt. Orateng a re le fa go ntse jalo, le mokapelo wa gagwe o ka bonwa molato fa go ka fitlhelwa ba kile ba tlhakanela dikobo ka jaana mosetsana yoo a le dingwaga tse di sa mo letleng go ratana. O ne gape a gakolola bana ba basetsana go ikgapha mo maratong fa ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le boferabobedi.
crime_law_and_justice
1
Emang SOS nokeng
Motlhatlhelela dithuto kwa Unibesithing ya Botswana, Prof. Keitseope Nthomang o rotloeditse setshaba go ema maiteko a legae la SOS nokeng. Fa a bua kwa moletlong wa go rola dijo tse di abetsweng legae la SOS kwa Serowe ke lekgotlana la Diepamere ka Labotlhano, Prof. Nthomang o tlhalositse fa legae leo le dira tiro e ntle ya go aga bokamoso jwa bana. O tlhalositse gore bana ke motheo wa setshaba, ka jalo tiro e e dirwang ke SOS ya go tlhokomela bana le go ba thusa go betla bokamoso jwa bone e botlhokwa. Prof. Nthomang a re fa setshaba se ka ikgatholosa se SOS e se dirang, bana ba ka fetoga dirukutlhi tse kamoso di tlaa tsogang di kgokgontsha setshaba ka go inaakanya le ditiro tsa botlhokatsebe. O ne a leboga bomme ba ba tlogetseng malwapa a bone go tla go tlhokomela bana ba SOS a re bomme bao ba tshwanetswe ke go tlotlomadiwa. Prof. Nthomang yo e bileng e le mogakolodi wa lekgotlana la Diepamere, o ne a galaletsa lekgotlana leo a re le setse morago dikgato tsa ga Jeso Keresete. A re go aba go tlhodilwe ke Modimo jaaka go kwadilwe mo bukeng ya Mataeo 25. O ne a tlatsa ka go re buka e e boitshepho e tlhalosa gore go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang. A re mo setshabeng batho ga ba lekane, go na le ba ba tlhokileng lesego, mme batho ga ba a tshwanela go itlhokomolosa seemo seo. Mme mongwe kwa legaeng leo, Mme Leronne Tena o ne a tlhalosa fa dimpho tseo di tlaa ba thusa thata, bogolo jang ka ngwaga ke gone o simologang. Moeteledipele wa lekgotlana la Diepamere,Rre Pule Nthobatsang o tlhalositse fa ba ne ba gwetlhega go aba morago ga go bona setshaba se tshweletse ka go aba. A re go kokoanya dijo tseo go ne go se motlhofo ka bangwe ba ne ba ba tlogela mo tseleng. A re legale se se ne sa seka sa ba kgoba marapo. A re go aba ga bone go supa gore ba teng, ka jalo a gwetlha boeteledipele jwa motse go rerisa lekgotla leo ditiro tsa merafe gore le bone ba tle ba tsenye letsogo.
society
9
Ba thuto ga e golelwe ba rotloeditswe tiriso ya maranyane
Baithuti ba kgaolo potlana ya Bobirwa ba rotloeditswe go ithuta maranyane. Kgakololo e, e dule ka mogolwane wa thuto go tswa kwa moding kwa kgaolong ya Bobirwa, Rre Moses Tshetlhana kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la go bala le go kwala kwa Tobane kwa sekoleng sa Motlhasedi Junior Secondary School ka Mosupologo. Rre Tshetlhana o boletse fa nako e gorogile gore baithuti ba bo ba kgona go dirisa di dirisiwa tsa maranyane di tshwana le dikhomputara go akaretsa le mogala wa letheka ka setlhogo sa letsatsi e ne e le Go ithuta mo metheng ya maranyane. Rre Tshetlhana o ne a tlhalosa fa baithuti ba thuto ga-e-golelwe ba rutwa ditiro tsa diatla tse di farologaneng jaaka go loga, go betla, go bopa le go bala le go kwala. A re fa moithuti a itse go bala le go kwala go nna motlhofo gore a bo a ka dirisa maranyane a tshwana le Facebook go bapatsa tse a setseng a di dirile lefatshe ka bophara mme se se dire gore tiro ya gagwe e kgone go bonwa le go bona bareki ka nako. Rre Tshetlhana o ne a tlhalosa fa kgaolo ya Bobirwa e ne e ikaegile ka moepo wa BCL o o sa tlholeng o bereka mme a rotloetsa ba ba setseng ba rutilwe go itirela ka diatla ka lenaneo la thuto-ga-e-golelwe go dirisa kitso e ba e anywileng ya go loga le go betla go dirisa sebaka se go tsosolosa itsholelo ya kgaolo ya bone. Rre Tshetlhana a re letsatsi la go bala le go kwala le dirisiwa go itshekatsheka le go tsosolosa maitlamo a bone a go bona go re setshaba se amogela thuto le go bona tse ba dikgonneng. O rotloeditse bogogi jwa Tobane go rotloetsa morafe go tsenelela lenaneo la thuto ga e golelwe ka e setse e alositse beng ba dikgwebo ba matshelo a bone a tokafetse fela thata. Rre Tshetlhana o tlhalositse fa dipalo tsa baithuti ba ga-e-golelwe mo kgaolong potlana ya Bobirwa di le 357 mo go bone ba le 294 e le bomme a re se se supa fa borre ba santse ba goga dinao mo thutong. Mme Maikano Keonyatse wa Tsetsebjwe o ne a fa bopaki ka fa ga-e-golelwe e mo thusitseng ka teng a tlhalosa fa a ne a ithuta ditiro tsa ka diatla jaaka kapei ya borotho le go roka. Mme Keosenye o tlhalositse fa e rile morago ga go tsena mo thutong ya go apaa borotho a ya go ikopanya le CEDA mme ba atla kopo ya gagwe b abo ba mo neela madi a ka one a kgonneng go reka metshine ya borotho mo e bileng a tsweletse ka kgwebo ya gagwe ya go apaya mefuta e e farologaneng ya borotho. Mme Keosenye o rotloeditse ba ba saletseng kwa morago go ikopanya le ga-e-golelwe ka e ka ba ntsha mo lehumeng le go fokotsa letlhoko la ditiro. BOKHUTLO
education
4
Mmelaelwa ga ipona molato
Monna yo o tlholegang kwa Hunhukwe mo kgotlaneng ya Ganare kwa kgaolong ya Kgalagadi Bokone ga aa ipona molato mo tshekong ya bogodu jwa leruo. Mmelaelwa, Rre Justice Mokgothu, wa dingwaga tse di masome mane le bosupa, yo o tumileng thata ka leina la ‘Buru’, o ne a itshupile fa pele ga lekgotla la Setswana kwa Ghanzi Lwetse a tlhola gatlhano go arabela molato o le mongwe wa bogodu jwa leruo. Go ya ka dintlha tsa kgang, mmelaelwa o ne a tshuba kgongwana e tuba, a bo a senya le letshwao la yone kwa Kacgae, a dira jalo ka maikaelo a go e amoga mong wa yone. Mosekisi Inspector Ramokowe Phalaagae a re ba bosekisi ba tlaa bitsa basupi ba le bane go rurifatsa kgetse ya bone. Mothusa Kgosi ya Ghanzi, Mme Annah Rankho, yo kgetsi e e leng fa pele ga gagwe, o gakolotse mmelaelwa go tla ka basupi ba gagwe, fa ba le teng. Tsheko e tlaa tswelela kgwedi eno e le lesome le borataro.
crime_law_and_justice
1
Go baakanyetsa temo go tsisa maduo a mantle
Mookamedi wa dijalo mo lephateng la temo thuo o gakolotse balemi go kabakanya temo go katolosa kgwebo ya bone. Rre Galeitsiwe Ramokapane o buile seo kwa ketelong ya masimo a Maiswe kwa Bobonong bosheng. A re balemi ba tshwanetse go baakanyetsa temo go sa le gale ka go baakanya tshotlhe tse di tlhokegang. A re temo e fetogile ka ke kgwebo, mme balemi ba tshwanetse go itse gore pele ga ba lema ba rekisetsa mang thobo ya bone. A re ba tshwanetse go dira ditumalano le marekisetso a tshwana le Seedco, Food Botswana le Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) pele ga ba simolola temo gore ba itse gore thobo ya bone e tla felela kae ka ba sa tshwanela go tlhoka kwa ba ka rekisang teng. Tiro e ya go etela masimo e ne e tshwaretswe kwa tshimong ya ga Rre Tshekgane Ramosamo kwa masimong a Maiswe yo o lemileng diekere tsa mabele di le 55, tsa mmidi di le 19, tsa ditoo di le 10 mme a setse a dirile thulaganyo le ba BAMB kwa a tla rekisang thobo ya gagwe teng. Mookamedi wa lephata le a re kabakanyo ya dijalo e tshwana le ya Lab-Lab le tse dingwe di ka thusa go fokotsa go lebagana le dijalo tse di itsegeng jaaka mabele. Rre Ramokapane o ne a etela masimo a a farologanyeng a borre Rannana Seate, Otathusa Paya, Lesole Maruatona le a ga Ramosamo mme a kgotlhatsa fa balemi e le bone bamaitsaanape b aba tona mo temong ka e dirwa ke bone. A re balemi ba tshwanetse go tsaya fela dikgakolo mo balemising a re temo e e dirilweng sentle e nale dipoelo gammogo le thobo e e busetsang ka go dira tse di latelang; go baakanya mmu ka nako e e tshwanetseng, le go jala dijalo tse di netefaditsweng gammogo le go tlhokomela masimo a bone ka nako tshotlhe. Fa a ama ditlhwatlhwa a re di laolwa ke mabaka a mmaraka ka jalo go le botlhokwa gore ba dire ditlhopha tse bat la ipuelelang ka tsone ka nako ya motho go ikemela ka nosi e fetile. O lebogetse maiteko a balemi ba Bobonong mme a supa fa thuto e santse e tlhokega thata. A re dipalo di supa fa go lemilwe diekere di le 4000 ke balemi ba 400 mme diekere di le 1000 di lemilwe ka ditselana. O kaile fa puso e dirisa madi a mantsi go direla balemi temo a supa fa molemi yo o lemelwang diekere di le tlhano go dirisiwa P16 000, fa yo o fa gare go dirisiwa P110 000 fa molemi yo mogolwane go dirisiwa P320 000. Rre Ramokapane o kopile balemi go emisa go jesetsa letlhaka mo masimong a re letlhaka le tshwanetse go jesediwa kwa masakeng eseng mo ditshimong ka go dira jalo go kgotela tshimo. O rotloeditse banana go tsaya karolo mo temong a supa fa banana ba kgaolo ya Tonota botlhaba ba gatetse pele ka ba inaakantse le temo. Fa a tswa la gagwe molemi yo o neng go tshwaretswe tiro kwa tshimong ya gagwe rre Ramosamo a re o itumedisiwa ke gore barekise ba didiriswa ba tshwana le ba Haskings ba na le didirisiwa tse di tshwanetseng balemi ba ba botlana. Rre Ramosano a re o tshwengwa ke gore balemi bangwe ba lemela madi a ISPAAD fela ga ba batle go itshetsa. Fa mokhanselara wa kgaolo ya Bobonong Bophirima Rre Power Moupi a supile fa kafa Babirwa ba tsayang tema ka teng ba sup aba nale bokgoni ja go itirela dijo. Rre Moupi a re sebe sa phiri ke gore ga gona ditsela tse di yang masimong. Bokhutlo
economy_business_and_finance
3
Go iketse seemo sa botsogo go a thusa
Mogolwane wa Independent Counceling Advisory Services (ICAS), Dr Onnalethata Johnson, o gakolotse banni ba Mopipi ga mmogo le bareki ba moepo wa Karowe go fetola kafa bantseng ba tshela ka teng, mme ba itlhatlhobele malwetseng aa bakiwa ke kafa motho a tshelang ka teng. Dr Johnson o buile jalo kwa moletlong wa botsogo kwa Mopipi o o neng o rulagantswe ke ba moepo wa Karowe ka Matlhatso. A re motho mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya boikarabelo ja botshelo jwa gagwe, a dira jalo ka go itlhatlhobela malwetsi a a sa alafesegeng jaaka bolwetse jwa sukiri,madi a matona le a mangwe . Dr Johnson a re go botlhokwa gore motho a itse seemo sa gagwe sa botsogo gore a tle a fiwe kalafi go santse gona le nako, le go sale ditaelo tsa ba botsogo morago,atlatsa ka gore ga se gore motho fa a tsenwa ke malwetse a o tlhokafala gone foo ,a re o kgona go tshela lebaka fa o ja dijo tse di siametseng botsogo jwa gago, e bile o tsaya kalafi ya gago sentle, itshidila mmele. O ne gape a re gotshwanetswe ga itebagangwa le botsogo kakaretso e seng jwa mmele fela ,botsogo jwa maikutlo,tiriso ya madi, gonwa bojalo mo go feteletseng, go goga motsoko le tsone di ka baya motho mo diphatseng tsa go tsenwa ke maletse a . Dr Johnson a re motho o tshwanetse a itse seemo sa gagwe sa botsogo gore fa a sena malwetse ape ,a dire tse di tlhokafang go a thipela ,a tlatsa ka gore thibelo e a kgonagala,ka go tshidilo mmelo ,go ja maungo le merogo le dijo tse di nang le moroko o montsi. A re lefatshe leno lene la itebaganya thata le mogare le bolwetse HIV/AIDS go bo go lebalwa ka malwetse a mangwe, a bo a re ratela, atlatsa ka gore fa malwetse a a simolola goanama Batswana ba ne bare ke a mafatshe a a tlhabologileng ,le batho ba ba humileng le bagodi, kante o ne a ama mongwe le mongwe go ya kafa a tshelang ka teng. Dr Johnson a re tlhabologo ke yone e bakileng gore Batswana ba bo basa tlhole ba ja sentle jaaka bogologolo go jewa dijo tsa Setswana,bane ba dumela gore dijo tsa sekgoa di botoka gona le tsa Setswana ,go tsamaiwa ka dikoloi batho basa tlhole ba tsamaya ka dinao jaaka pele. O tsweletse a re re ka tibela malwetse a ka go fokotsa mmele ,mafura, sukiri le letswai , go ja dijo tse di bidisitsweng ka metsi, go fokotsa selekanyo sa bojalwa se batho ba se tsayang ka letsatsi. Mogolwane wa moepo wa Karowe Rre Ewetse Mathaba o ne a tlhalosa fa ba itlamile goisa botsogo kwa setshabeng sa Boteti ka go dira meletlo ya botsogo go isa thuto tsa botso kwa metseng ka gofarologana ba dira jalo ngwaga le ngwaga ,le go nnetefatsa gore babereki ba bone ba itekanetse gore batle ba kgone gontsha maduo mo tirong. Rre Mathaba a re ba dira se ka goba ba kgathala ka setshaba se ba direlang mo go sone,a tlatsa ka gore boitekanelo boisa ko botsogong jo bo siameng, ka jalo ba rotloetsa setshaba go itlhatlhobela malwetse ka go farologana ga one .Le go ba rotloetsa go ja dijo tse disiameng ka e bile ele bone ba lemang dijo tsa Setswana. E rile a fa malebo mokhanselara wa Mopipi Rre Matshwenyego Shaka a akgola ba Moepo wa Karowe go bo ba tla kgapetsakgapetsa mo motseng wa bone ba tsisa dithuto kana dikgakololo tsa botsogo .A re batla sala ba itshidila mmele le go leka go ja sentle. Rre Shaka o ne a kgothatsa banwi ba bojalo go fokotsa dinwo , go tlhogela go goga motsoko ,ga mmogo le go itlhatlhobela malwetse ka go farologana ga one. O bile a kopa ba moepo wa Karowe le kompone ya Minopex go ba rekela koloi ya kokelano. BOKHUTLO
health
6
Ba le bane ba tlhokafetse
Batho ba le bane ba tlhokafaletse gone foo morago ga gore koloi e ba neng ba tsamaya ka yone ya Mazda 323 e e neng e tswa borwa e ya bokone e thulane le ya Nissan Tida e e neng e tswa bokone e ya borwa ka Labotlhano, dikhilomithara di ka nna lesome go tswa mo tseleng ya A1 mo Palapye. Bapalami ba koloi ya Tida ba le babedi, mokgweetsi le mopalami wa mme ba ne ba ragosediwa kwa kokelong ya Palapye, mme mokgweetsi a fetisediwa kwa Nyangabgwe ka dikgobalo tse di masisi. Go ya ka Assistant Superintendent Motlhokomedi Ponyane, kotsi e e diragatse mo maitseboeng fa dikoloi tse di thulana mme o boletse fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo. Maina a baswi a santse a tshegeditswe go itsise ba masika. BOKHUTLO
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Ditlhabololo ke dikeletso tsa batho
Mmatoropo wa pele wa Lobatse, Mme Caroline Lesang, a re ditlhabololo tsa motse di simologa ka dikomiti tsa ditlhabololo, morago di ya khanseleng le kwa palamenteng. E rile a bua kwa pulo semmusong ya dikago tsa kgotla ya Mafhikana kwa Kanye bosheng, Mme Lesang a re morafe ke one o itseng se o se tlhokang go na le makhanselara le mapalamente ke sone se go leng botlhokwa gore e nne bone ba supang gore ba tlhoka eng go feta se sengwe. Mme Lesang a re puso ga e kake ya kgona e le nosi e tlhoka kemo nokeng ya morafe jalo o kopile morafe gore o seka wa fela pelo fa komiti ya VDC e bitsa diphuthego gonne ke yone palamente ya motse. A re ba tla a bo ba ntse ba le teng ka dinako tsotlhe go thusa fa go tlhokegang teng. O lebogile ba khansele ya Borwa ka a re ba nnile le seabe mo ditlhabololong tse ka lenaneo la Ipelegeng mme a ba rotloetsa go tswelela ka go thusa fela jaaka ba dirile. Mme Lesang o kopile mokhanselara Rre Chabalala go ema VDC nokeng le gone go tsena diphuthego tsa bone ka dinako tsotlhe a ba abela P2 000 mme a ba kgothatsa gore ba seka ba felela fela fa ba dirileng teng. Fa a ntsha la gagwe, Kgosana Gaofenngwe Bome o boletse gore khansele ya Borwa ka boeteledipele jwa modulasetilo wa pele Rre Tlhomelang e kgonne go aga mmolo. Mokhanselara wa Mafhikana Rre Thamiso Chabalala a re o tsile go tsosolosa mowa wa boipelego a bo a kopa batsadi go emela thuto ya bana ba bone ka dinao, a bolela fa bana bangwe ba retelelwa ke dithuto ntswa ba na le ditlhaloganyo tsa go ka fenya. Rre Chabalala a re go lemotshegile fa bana ba kgorelediwa ke go kopana le dikgwetlho tsa botshelo tse di ba fetileng. Leloko la komiti ya VDC, Rre Kagiso Moleti o boletse fa go ne go le thata go aga dikago tse ka ba ne ba sena madi. A re ba ne ba kopa thuso kwa khanseleng mme ba lopiwa go ntsha sephatlo gore khansele le yone e ntshe sephatlo se sengwe. A re ba ne ba tsena motse le motsana ba kopa dithuso mme ka thata ya Modimo ba kgona go di bona mo dikomponeng le mo bathong ka bongwe ka bongwe. BOKHUTLO
society
9
Bakgatla ba na le boikarabelo
Mopalamente wa Kgatleng Bophirima, Rre Gilbert Mangole o akgoletse Bakgatla go bo ba ikwadiseditse ditlhopho. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla bosheng, Mopalamente Mangole o tlhaloseditse Bakgatla fa ba dirile go gaisa ka 2014. A re Kgatleng e ne e le mo maemong a bobedi mo ikwadisong ya bobedi, mme o dumela fa ya boraro e sa tswa go fela Bakgatla ba santse ba tshegeditse maemo ao. Rre Mangole o tlhaloseditse setshaba fa go ikwadisetsa ditlhopho go le botlhokwa, ka go fa setshaba sebaka sa go itlhophela yo e ka nnang mmueledi wa bone kwa palamente le mo gae. A re go nna Mopalamente ke go nna mmueledi wa setshaba, e seng go nna morongwa, a tlatsa ka go re morongwa o isa thomo, mme tshwetso e tsewa ke yo a mo rumileng, fa mmueledi e le yo o isang thomo mme a kgona go tsaya tshwetso a bo a tlhalosa kwa morago gore ka goreng a tsere tshwetso eo. Mopalamente Mangole a re go gontsi mo setshaba se ka go ithutang ka ikwadisetso ditlhopho, mme o lebogela gore Bakgatla ba supile boikarabelo ka bokamoso jwa bone. O ba rotloeditse gore fa kgwedi ya ditlhopho e goroga, ba ikatametse kwa matlhophelong ka nako, gore ba tlhophe ka dipalo tse di kwa godimo tse ba ikwadisitseng ka tsone. Fa a tswelela ka tse dingwe, Rre Mangole o tlhalositse fa ba tsere tshwetso ya go aga leobo la Mochudi, ka ke lone pinagare ya kgaolo ya Kgatleng, mme go utlwisa botlhoko go amogela baeng mo ditanteng. A re ba kopane le makhanselara le dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse gore bontlha bongwe jwa madi a dikgaolo tsa botlhophi a thuse mo go ageng leobo la kgotla. O kopile tshwaragano mo kagong ya leobo, a tlatsa ka go re go amogana madi a dikgaolo ka dikgaolo tsotlhe tsa botlhophi, go dira gore ditlhabololo di nne bonya, mme ba dumalane go a dirisa mo tirong e tona gore go nne le maduo. A re dikgaolo tse dingwe tsa botlhophi di setse di tlhabologile, mme a kopa gore mabala a motse a tlhabololwe, a godisiwe a kgone go tsisa ditlhabololo mo kgaolong. Kgosi Bana Sekai o lebogile Mopalamente ka kgang ya leobo ka le ene a tshwenyegile mo moweng. A re bangwe ba bua dipuo tse dintsi, mme fa go ka tlogelwa dipuo tseo ga agwa leobo di tlaa tla di rarabololwa mo leobong. Kgosi Sekai a re go tlhoka leobo ga go fe bogosi gammogo le morafe seriti, ka ga go na fa go kopanelwang teng go buiwa tsa motse. Fa a latlhela la gagwe, Rre Moilwe Tlhase o tlhalositse fa a lebogela mafoko a kgotla mme e bile a gatelela gore a kgotla e agwe. A re kgotla ke yone palamente ya motse, ditshwetso tsotlhe di tsewa kwa go yone le megopolo yotlhe e agelwa teng mme e tshwanetse go nna le seriti. Rre Luka Lekorwe o kopile gore mephato e kopane ka go tlhatlologana ga yone, ba thuse go kokoanya madi a leobo ka le le botlhokwa. O rotloeditse setshaba go thusa ka se ba se kgonang ba sa lebe dikgwetlho tsa bone ka tsone ga di ke di fela mme botshelo bo tswelela pele.
politics
7
Tsamaya o lela ka letlhoko la metsi
Kgosi wa Tsamaya, Rre Fordson Sigwele, a re seemo sa letlhoko la metsi kwa motseng wa gagwe se ngomola pelo ka ba kgona go fetsa dibeke go sena thothi. Mo potsolotsong bosheng, Rre Sigwele o supile fa kgaogo ya metsi e le selo modiro. A re khamphane ya metsi e ka bo bogolo e dira lenaneo la go itsisi banni ka kgaogo ya metsi mo maranyaneng kana ba romela melaetsa jaaka go dirwa mo mafelong mangwe. Rre Sigwele a re mo nakong ya gompieno ba emetse di tanka tse di beelang metsi (Jojo) tse tharo tse ba di kopileng ka lenaneo la madi a ditlhabololo a dikgaolo. O tsweletse ka go tlhalosa fa nako tse dingwe metsi a bone a bulelwa bosigo go robetswe ka jalo go ba patika gore ba lale ba aga metsi bosigo. A re go segofetse bao ba ba nang le ditanka tse ditona tse di beelang metsi mo malwapeng ka a kgona go ba goga lobakanyana fa metsi a sa tswe mo dipompong. Rre Sigwele a re le ntswa banni ba bolawa ke lenyora o itumelela gore letamo la motse lone le tletse ebile leruo la bone le tla dika le akotse. A re le ba ba lemileng ditshingwana tsa merogo ba tla dika ba bone metsi a a nosetsang gotlhe le ba ba agang. O tlhalositse fa letamo le le ba tsenyetsa madi ka ba kgona go rekisetsa khansele ya Bokone Botlhaba metsi fa ba dira dikago mo metseng e mabapi. Rra maranyane wa khamphane ya metsi kwa kgaolong ya Bokone, Rre Tawana Chilume o tlhalositse fa lenaneno la kgokelo ya metsi la kgaolo ya Bokone Botlhaba e kopane le kgaolo ya Tutume le tla simolola bo bogaufing. A re ka lenaneo le, khamphane e tla tlhabolola maranyane a kgokelo ya metsi go tlhomamisa gore metsi a goroga mo metseng yotlhe ka ebile puso e adimile P250 million kwa World Bank go diragatsa maitlamo a. O tlhalositse gore mo nakong ya gompieno, kgaogo ya metsi e bakwa ke gore di pompo tse di rwalang metsi ga di kgone bokete jwa metsi aa tswang kwa letamong la Ntimbale ka jalo go baka gore khamphane e fokotse sekale sa metsi. Rre Chilume o tlhalositse fa khamphane e itse ka tlhaelo ya metsi mo metseng ee mo kgaolong ya Tati Botlhaba se ele ka ntlha ya gore maranyane ga a kgone go pompela metsi mo metseng e ka gore e kwa godimo.
society
9
Go kopa boagedi go tswa goo lowe
Batswana ba tswa kgakala ba ikopela boagedi mo metseng e mengwe mme ba ne ba dira jalo ka go tla ka lekwalo le le tswang kwa kgosing ya moikopedi a le isa kwa kgosing ya motse o a batlang go nna moagedi teng. Mafoko a, a boletswe bosheng ke kgosikgolo ya Batlokwa Kgosi Puso kwa phuthegong e a neng a e tshwere kwa kgotleng ya Sefoke kwa motseng wa Tlokweng. A re ka thulaganyo e, kgosi ya motse o moagedi a ikopelang go aga mo go one, o ne a mo fa kgotlana e a tla a agang mo go yone, selo se se neng se dira gore baagedi ba nne le boitshwaro jo bontle. Kgosi Puso o boletse fa pharologanyo ele gore mo sesheng, baikopedi ba kwalela kwa lekgotleng la kabo ditsha ka jaana dikgosi di sena seabe mo tsamaisong ya lefatshe. O kopile banni ba kgotla ya Sefoke go tsena diphuthego tsa kgotla le go thusa go lwantsha borukutlhi, a supa fa jaanong ba tsewa e le Batlokwa ka jaana ba agile mo motseng oo. Fa a ba lekodisa ka tse dingwe, Kgosi Puso o boletse fa ba kgonne go tsaya lebala la bone la morafe ka fa tlase ga lekgotla la Batlokwa Development Trust mme ba ikaelela go le tlhabolola ka go le jwala motlho le gone go dira meriti ya fa balatedi ba nnang teng. Kgosi o tlhalositse fa a eletsa go bona Batlokwa ba na le setlhopha se le sengwe se se tshamekang mo leking e kgolwane. Mo go tse dingwe, Kgosi Puso o boletse fa ba le mo dipuisanong le maphata a puso a a farologaneng go leka go bona gore a ba ka se busetse terata e e thibelang leruo go tsena mo toropong ya Gaborone. O tsweletse a bolela fa a tla a bitsa phuthego ya kgotla go lekodisa Batlokwa ka katlholo ya kgotlakgolo mabapi le ditsha tse 285. Kgosi o boletse gore e rile bosheng ba etelwa ke mothusa tautona go lekola masimo a bone mme a akgola Batlokwa gore ba ne ba itekile ba lema monongwaga le fa bangwe ba ne ba sa tlhagola, a bo a kopa ba ba sa remang masimo a bone go leka go a rema. Fa ba ntsha la bone, Batlokwa ba tlhalositse fa ba ka leboga thata fa terata e e kganelang leruo e ka tsenngwa ka e ka fedisa tlhoka kutlwisisano ya bone le khansele ya Gaborone. Ba boletse fa ba tshwenngwa ke dikoloi tse di tabogang ka lebelo le le feteletseng mo tseleng ya Tlokweng/Zeerust, ba bo ba kopa gore tsela eo e tsenngwe ditotoma gore bakgweetsi ba fokotse lebelo. Ba ngongoregile ka dikereke dingwe tse di latlhelang dibeela di tshwana le diaparo tsa ka kwa teng gammogo le dikerese tse di tshubilweng mo motseng wa bone. BOKHUTLO
society
9
Ba Mogate ba tlhoma kgosana
Kgosana wa kgotla ya Mogate kwa Serowe, Mme Sebopiwa Disang o tlhomilwe go nna kgosana ya kgotla eo kgwedi eno e tlhola malatsi a le mararo. Fa a bua kwa moletlong oo mothusa tautona wa pele, Lt Gen. Mompati Merafhe, a re kgosi ke kgosi ka batho e bile kgosi ke thotobolo go latlhelwa tse dintle le tse di maswe mo go yone mme e baakanye. Lt Gen. Merafhe a re kgosi e atlhola ka kelotlhoko e sa sokamele ntlha e le nngwe fela ka go dira jalo go aga morafe wa gagwe. O ne a mo gakolola go dirisanya le bo rangwanaagwe gore ba mo gakolole le go mo thusa mo tirong ya go goga morafe. A re bogosi jwa gompieno ke go dira ditlhabololo le go aga setshaba, e bile o ne a mo rotloetsa go dira thata le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ka maemo a gagwe go bona gore kgotla ya gagwe e tswelela pele. A re go dira ka boikgapo le boineelo go botlhokwa mo tirong ya segosi. Lt Gen Merafhe a re jaaka motshereganyi wa morafe o ya go kopana le batho ba mefuta e e farologaneng mme ke tshwanelo ya gagwe go tlhotlha mafoko a a siameng le go dira tiro ya gagwe ka manontlhotlho. O mo kgothaditse go dirisanya le kgosi kgolo ya ga mmaNgwato ka fa a gogela go sele o ka latlha morafe wa gagwe. Dibui ebong borangwanaagwe le bo malomaagwe ba mo kgothaditse go dira ka botlhale le boingotlo ka bogosi bo batla motho yo o dirang tiro eo ka bongwefela jwa pelo e bile a sa ntshe ope ka leso legolo. Ba mo gakolotse go nna podi matseba mo go ba ba ratang go bua ka ba bangwe, le ba ba sebang gore a seka a ba reetsa ka seo se ka tsala letlhoo fa gare ga morafe wa gagwe. Ba re kgosi e a sebiwa mme o nna fela a tlhamaletse mo bogosing jwa gagwe a sa kgaoganye morafe e bile a ba rata botlhe. E rile a leboga kgosi Disang a leboga botsadi, a supa fa a tla dirafatsa ditopo le dikgakololo tsa bone. Go boletswe fa rragwe kgosi e ne e le kgosi ya kgotlana eo botshelong jwa gagwe.
politics
7
‘Thusang mapodisi go lwantsha ditagi’
Banni ba kgotlana ya Dilaelene 2 kwa Mahalapye, ba kopilwe go thusa mapodisi go lwantsha ditagi tse di rekisiwa mo malwapeng. Mopalamete wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe a re le fa mapodisi ba dira maiteko a go laola seemo se, batsadi bangwe ba tsweletse ka go loga maano a go rekisa ditagi mme maiteko a sepodise a fetoge lefela. Rre Molefe o ntshitse kopo eo, kwa phuthegong ya kgotla bosheng a re tiriso ya ditagi e tlhoka tshwaragano ya mapodisi le batsadi. A re go a tshwenya go bona malwapa mangwe a fetogile mafelo a go jelwang ditagi teng mme beng ba o ne ba sa bone go le molato fa manwe o ne e le marekisetso a ditagi. A re boikarabelo jwa batsadi ke go tlhokomela bana e seng go ba senyetsa matshelo ka go ba rekisetsa ditagi. Rre Molefe o rotloeditse batsadi go ela thoko diphetogo mo boitshwarong jwa bana a re dingwe tsa tsone ke dikai tsa gore ba dirisa ditagi a re sepe se se belaetsang ka boitshwaro jwa ngwana se tshwanetse sa tlhotlhomisiwa. Mopalamente a re molao o teng, mme batsadi ba ba tsweletseng ka go rekisa ditagi ba tlaa tseelwa dikgato. A re ba ba fetotseng malwapa a bone go nna mafelo a go jelwang ditagi teng le bone ba tlaa otlhaiwa. Mopalamente Molefe a re mapodisi ga ba kake ba kgona go lwantsha borukuthi ba sa thusiwe ke morafe ka o tshwanetse wa nna le seabe go kganela ditagi go tsena mo Botswana. O gakolotse bakgweetsi go ela thoko dithoto tse ba di pegang go itsa go iphitlhela ba tshwerwe ka mephuthelwana ya ditagi tse le bone di tlaa ba tsenyang mo molatong a re bangwe ke ba ba romiwang ke barekisi go isa ditagi kwa bareking ba tsone. “Ke lo rotloetsa gore lo seka lwa anama le ditagi ka tsela epe fela mo matshelong a lona,” Rre Molefhe a kopa. Batsadi le bone, ba supile fa ba tshwenyegile thata ka gore bana ba felela ba tlogela dikole ba inaakanya le ditagi. Ba supile gape gore barutabana le bone ba tshwenngwa ke bana ba ba tlhorontshang ba bangwe kwa dikoleng ba sena go ja ditagi le maduo a a welang tlase gammogo le go tlhoka botho mo setshabeng. Mogolwane wa mapodisi kwa Mahalapye, Rre Isaac Mamadi o supile fa tiriso le thekiso ya ditagi di tshwenya kwa Mahalapye. Rre Mamadi a re go botlhokwa gore morafe o tshwaragane le mapodisi go lwantsha seemo se.
crime_law_and_justice
1
Banni ba lela ka tiego ya phimolo dikeledi
Banni ba metsi ya Rakops Khumaga kwa kgaolong potlana ya Boteti ba lela ka tiego ya dituelo tsa phimolo dikeledi fa leruo la bone le jelwe ke diphologolo. Banni ba ntshitse selelo se sa bone kwa diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa boteti Bophirima yo gape e leng Tona wa Dikgaolo le tlhabololo Magae, Rre Slumber Tsogwane kwa metseng eo bosheng. Banni ba ne ba supa fa ba lephata la diphologolo makgabisa naga ba tsaya sebaka go ba philola dikeledi fa leruo la bone le jelwe ke diphologolo,atlatsa ka gore gape ga ba tsibogele dipego tsa bone selo se ba reng se dira gore fa gongwe bosupi bo felele bo senyegile. Banni ba bile ba supa faba thorontshiwa ke ditluo tse di ba jelang mo masimong ,bare di dikele di ba jetse masimo,mme le gompieno di setse di simolotse go ba senyetsa. E rile a araba matshwenyego a bone mogolwane wa lephata la diphologolo makgabisa naga Rre Mmoloki Kepaletswe a tlhalosa fa mabaka a a dirang gore ba ne maoto a tshupa go tsibogela dipego tsa barui ele tlhaelo ya bodiredi mmgo le dikoloi. Rre Kepaletswe a re gobo ba saletse ko morago mo go phimoleng balemi barui dikeledi ke gore madi a baneng ba file ane a fela ,ka lebaka la dikoketso tsa dituelo tsa phimolo dikeledi.o ba tlhaloseditse gore lebaka legolo le le dirang gore diphologolo di ba senyetse ke go senyega ga terata. Rre Kepaletswe o ne a ba gakolola gore ba boloke bosupi fa ba jetswe ,a re ga ba duele go sena bosupi,atlatsa ka gore ba seka ba ja leruo lele bolailweng ke diphologolo.O ne a tswelela a ba gakolola go tlhokomela leruo la bone ka go le thathela.O supile fa paakanyo ya terata ele mo lenanaeo la go simololwa ,a bolela fa ba eme ka bone gore ba supe fa ba batla terata e tsamaya teng . Mogo tse dingwe bane ba supa fa ba tshwengwa ke go tlhoka go ja polase ga leruo la bone, mo bareng go ba kgoreletsa go ba rekisa leruo .Ba bile ba supa koporase ya metsi ka monwana bare e palelwa ke go ba siela metsi e bile ga ba rerise setshaba fa gona le mathata a metsi Modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Rakops Mme Bashingi Boingotlo o ne a begela mophalamente megopolo ya bone ,a re ba batla lebala la difofane,kgopo ya ditsela tse di fagare ga motse,ofisi ya poso,borogo,ofisi ya molemisi,ba kopa go okeletswa dipalo tsa ipelegeng. Mothusa modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Khumaga Mme Kesebelwang Goratwang, ene o supile fa ba nale madi akana ka P23 000 mo letloleng ,ba kolotiwang P2 500, matlhoko a bone ele boroka jwa barutabana,motlakase kwa sekoleng,go wediwa ga lerako la kgotla ,go atswiwa ga dikgosana tsa tetanyo. Mopalamente one a ba lekodisa ka tse di neng tsa buiwa ko palamenteng ,go ntshiwa ga lekgetho mo dijong le didiriwa tsa temo,molawa wa kwadiso ya dikereke, o ka o ne go akantsweng gore palo ee ntseng e dirisiwa ya go kwadisa kereke ka maloko a e lesome e okediwe gona makgolo a mabedi le masome a matlhano go leka go fokotsa seemo sa go runya ga dikereke . O tsweletse a ba lekodisa ka go atolosiwa ga lenaneo la ditlhabololo NDP10 le areng le atolositswe ka ngwaga ,gore le ye go wela le tebelopele ya lefatshe leno, NDP11 lone e bo le simolola le tebelopele e ncha le lenaneo la gore bana ba seka ba kgoreletso go tswelela le dithuto ,ba ganelwa ka ditlankana tebang le dikoloto tsa sekolo,a re kgang ke gore bana ba neelwe ditlankana tsa bone ,sekoloto ke kgang ya batsadi le sekole. Mopalamente o ne a re baya go itebaganya go lwantsha HIV/AIDS,thuto, letlhoko la ditiro ,nyeletso lehuma ,go lwantsha tshenyetso sechaba.o ile a ba kgothatsa gore ba seka ba tlhoboga pula ba tswelele ka go baya ditemanyane. Banni bane ba atla dikgang tse Mopalamente a neng a di ba rolela ba re ,le bone kgang ya dikereke e ba tshwentse bangwe e bile a supa fa palo e e akantsweng le yone ele ko tlase
society
9
Jacobs o ikanya thuto
E le ruri thuto ke boswa jo ope a ka se keng a bo tsaya mo mothong yo mongwe. Mafoko a ke a a builweng ke Rre Giel Jacobs, moithuti mo sekoleng sa thuto-ga-e-golelwe kwa Tsabong mo potsolotsong bosheng. Rre Jacobs yo o dingwaga tse di masome a mane le bosupa yo o tlholegang kwa Gakhibane mo Kgalagadi o supile fa go sena sepe se a se itumelelang mo botshelong jwa gagwe go gaisa go ithuta go bala le go kwala. E re ka bogologolo Motswana a ne a ikaegile ka temo le thuo, Rre Jacobs a re o ne a tlogela sekole a dira lekwalo la bone. “Go tlogela sekole o ne a ya go tlhokomela leruo go sena mathata ape jaanong diemo tsa botshelo di fetogile ke ka moo ke neng ka tsaya kgato ya go boela sekoleng ka ngwaga wa 2011,” go kaile jalo Rre Jacobs. Go boela sekoleng, go ya ka Rre Jacobs, ke kgatelopele e e seng kana ka sepe, e bile a re o ikemiseditse go tswelela le dithuto tsa gagwe go ya go ileng. O tlhalositse fa a rutiwa dipalo, puo ya Setswana le sekgoa mme ene tsa gagwe tsa mmamoratwa e le sekgoa le dipalo. A reba rutwa gape le melodi ya dinnoto mme seo se mo itumedise ka ba fiwa sebaka sa go lapolosa tlhaloganyo le gone go itsane botoka ene le baithuti ka ene. Rre Jacobs a re dithuto tsa thuto-ga-e-golelwe di botlhokwa ka di bula bagolo matlho le gone go ba fa seriti sa gore ga ba kgaphelwe ntle ka tsela epe ka go tlhoka go sa itse go bala le go kwala. A re o ne a fiwa sebaka sa go ithuta sebala makgolo ka thulaganyo ya Sesigo e e fitlhelwang kwa metlobong ya dibuka ka thotloetso ya lephata la banana, metshameko le ngwao. Rre Jacobs a re malatsi a gompieno go a tlhokafala gore mongwe le mongwe a bo a ka kgona go ipalela le gone go kwala tota. “Ke kgona go ipalela e bile ke itse dinomore tsa karata ya me ya Omang ka tlhogo,” go buile jalo Rre Jacobs. Fa a tswa la gagwe morutabana wa ga RRe Jacobs Mme Lorraine Gaelesiwe o kaile fa a simolotse go mo ruta ka ngwaga wa 2011 mme e le moithuti yo o tlhaga thata. Mme Gaelesiwe o supile fa seo se mo itumedisa thata ka gantsi bontsi jwa nako borre ba le maoto a tshupa go tsena sekole.
education
4
Dikomiti tsa motse di diretswe molao
Mookamedi wa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse kwa Moshupa, Rre Elliot Sebikiri o boletse fa dikomiti tsa dithabololo tsa metse di tsamaisiwa ka molao. E rile a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Moshupa Bophirima bosheng, Rre Sebikiri a bolela fa tsamaiso e e ntseng e le teng e ne e le lolea gape dikomiti dingwe tsa ditlhabololo di se ka fa molaong. Rre Sebikiri a re molao oo o tlaa simolodisiwa monongwaga. O supile fa go tlaa nna le diphetogo fale le fale jaaka go tlaa bo go dirisiwa fomo go ikopela boloko. O tlhalositse gape fa go tlaa nna le maloko a le lesome mo komiting a a itlhophetsweng mme a rurifadiwe ke khansele. A re batho ba go nna jalo ba tshwanetse ba bo ba itse go bala le go kwala, ba le dingwaga tse di lesome le boferabobedi e bile e le Batswana. A re maloko a tlaa tsaya dingwaga tse tharo eseng tse pedi. Rre Sebikiri a re motho yo o kileng a nna le molato wa borukutlhi ga a letlelelwe go nna leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse. O tlhalositse fa khansele e ka ntsha motho mo bolokong fa a sa tsene bokopano jwa maloko gararo ka go tlhomagana, fa a sa itekanela sentle go dira ditiro tsa komiti, kana a sa itekanela sentle mo tlhaloganyong mme go rurifaditswe ke ba bongaka. Rre Sebikiri o tlhalositse gore molao wa re motho fa a batla go tlogela boloko o ka ntsha mokwalo wa go tlogela mo sebakeng sa kgwedi mme motho yo o ka se boe a ikopele boloko komiti eo e santse e le teng. E rile fa a tswa la gagwe, mongwe yo o neng a tsene phuthego, Rre Dithapelo Mathibidi, o ikuetse gore e re fa go tlhophiwa maloko, go tlhophiwe bangwe ba ba itseng go bala le go kwala gore ba kgone go tswa ka mananeo a a ka tlhabololang metse.E rile fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolo ya Moshupa Bophirima, Rre Thompson Sethibe, a tlhalosa fa ba amogela molao wa dikomiti tsa ditlhabololo ka oo mabedi. O ne a bua a sa kgwe mathe ka dikomiti tse di maoto a tshupa, a re komiti ya ditlhabololo tsa motse e tshwanetse go bereka ka tlhaga gore go nne le neelano le boiteledipele jo bongwe jaaka mokhanselara le mopalamente. Bokhutlo
politics
7