title
stringlengths
1
82
text
stringlengths
565
8.03k
orig_label
stringclasses
10 values
label
int64
0
9
Kgosi Xao o rera tekatekano
Kgosi Tsaxlae Xao wa Grootlagte a re, go lebega Batswana ba le bantsi ba ise ba tlhaloganye gore tekatekanyo ya bong go tewa eng. Kgosi Xao o buile se bosheng kwa Charleshill mo segopotsong sa letsatsi la bomme. O tlhaloseditse morafe o o neng o tsene segopotso gore, tekatekanyo ya bong go tewa go fa borre le bomme sebaka se se lekanang fa go tliwa ka fa meamusong ya lefatshe. Mme Xao a re tekatekanyo e, e dirwa ka go rotloetsa melawana le mananeo a a itebagantseng segolo bogolo le botlhoki jwa bomme le borre. Kgosi Xao a re, mo malobeng borre ke bone ba neng ba akola meamuso go feta bomme, mme go a bonala gore mo nakong ya gompieno diphetogo di teng, segolo bogolo fa go tsena ka fa mererong ya thuto. A re, go lemosegile fa dipalo tsa bana ba basetsana ba ba tsenang dikolo di oketsegile fa go tshwantshanngwa le mo malobeng. Le fa go ntse jalo, Mme Xao a re, go a swabisa ka jaana dipalo tse di kwa godimo tse, di fokotsega ka jaana bana ba ima ba bo ba tswa mo dikolong. O tsweletse a re, se se gwetlha bomme go rotloetsa le go babalela matshelo a bana ba basetsana ka jaana ele bone babusi ba kamoso. Kgosi Xao a re, dipalo tse di nametsang tsa bomme ba ba akolang mananeo a a farolaganeng go tokafatsa matshelo a bone, le tsone di a bonala, a tlatsa ka gore se, se tsisa seriti le kagiso mo lwapeng. O supile gore bomme ba santse ba sena karolo e ntsi fa go tla mo maemong le go tsaya ditshwetso. Kgosi Xao o supile sekai ka khansele ya Ghanzi a re, kemedi ya bomme mo go tsa sepolotiki ga e nametse ka jaana bomme ba le barataro fela fa borre ba le lesome le boferabobedi. E re le ntswa go supega fa go na le maiteko a tekatekanyo ya bomme le borre, Kgosi Xao o supile matshwenyego ka dipalo tse di golang tsa kgokgontsho ya bomme mo lefatsheng le. A re, dipalo tse di lekanang le masome a marataro le bosupa mo lekgolong, ga di jese monate, mme o gwetlhile Batswana go kgala kgokgontsho ya bomme le bana segolo bogolo ba basetsanyana. O rotloeditse Batswana go tokafatsa matshelo a bomme le borre mme a re, lentswe la bomme le tshwanetse la utlwala thata. Letsatsi la segopotso sa bomme le ne le ketekwa ka setlhogo se se reng “Tekatekanyo ya bomme ke kgatelo pele ya botlhe.” Kgosi Xao a re, setlhogo se, se tlhalosa fela gore, go kgona go nna le kgatelo pele, ke fela fa bomme ba ka fiwa sebaka se se lekanang le sa borre mo go tsa thuto, botsogo, maemo le go tsaya ditshwetso, go tshela go sena kgokgontsho gammogo le go tshela botshelo jo eseng jwa lehuma. Bokhutlo
society
9
€˜A botlhe ba tseye boikarabelo’
Modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng o kopile banni ba Letlhakeng go reetsa ditaelo tsa lephata la botsogo le go tsaya boikarabelo jwa go thibela kanano ya mogare wa corona. Rre Meshack Tshenyego a re Batswana ba tshwanetse go itse fa mogare oo o le borai ebile o anama ka bonako jaaka go setse go itshupile mo mafatsheng a mangwe. A re go botlhokwa gore Batswana ba reetse se puso e se ba laelang go thibela ditlamorago. A re go maleba gore puso e tseye kgato ka gore bolwetse jo jwa COVID-19 bo setse bo kailwe ke lekgotla la botsogo la ditshaba-tshaba la WHO fa e le segajaja. O ne a gatelela kgang ya gore bokopano bope fela jo batho ba bo dumalaneng bo tshwanetse jwa tlosolosiwa go fitlhelela seemo se boela mannong. Rre Tshenyego a re diphuthego tse ba neng ba eleditse go di tshwara mo kgaolong ya gagwe ga di na go nna teng ka e bile khansele ya Kweneng le yone e ne ya emisa phuthego ya yone. A re se ke kgato ya go lwantsha le go emisa kanamo ya mogare, mme e bile puso jaanong e ntshitse mokwalo o o laolang gore mediro le ditiro ka go farologana di ya go dirwa ka tsela e e ntseng jang. Rre Tshenyego, yo gape e leng mokhanselara wa Mantshwabisi, a re o itse sentle gore batlhophi ba kgona go ngongorega gore jaanong ba ile kae e sale ba tlhophiwa go tsena mo pusong. Ka jalo o ne ba kgothatsa gore ba seka ba fela pelo ka seemo se tlaa siama mme ba kgone go tla go ba lekola le gone go utlwa dilelo le matlhoki a bone. Ditiro ka bontsi mo Botswana le lefatshe ka bophara di tsweletse ka go tlosolosiwa jaaka metshameko, mediro, bokopano, metsamao fa gare ga mafatshe a a amegileng le tse dingwe tse di ka anamisang mogare oo. Molaodi wa kgaolo ya Letlhakeng, Mme Ikgopoleng Lekoape ene o ne a bolela fa ba tlosolosa bokopano jwa go isa ditlamelo kwa bathong. Mme Lekoape a re go tlaa bo go sa siama gore e re puso e gakolola gore setshaba se itshireletse jang, bone ba bo ba tswelela ka diphuthego tseo. A re ka jalo ba tlaa ema pele go fitlhela seemo se boela mannong mme ba akanye gore ba dira bokopano joo leng gape. O ne gape a kopa maphata go nna malala-a-laotswe gore sepe se se ka diragalang ba bo ba ikemiseditse go thusa ka fa ba ka kgonang ka teng, bogolo jang ba lephata la botsogo. Bolwetse jwa COVID-19 jo bo simolotseng kwa lefatsheng la China bo setse bo aname le mafatshe a mantsi mme batho ba latlhegetswe ke matshelo ka dipalopalo. Lefatshe la Aferika Borwa le lone le setse le amilwe ke bolwetse jo mme dipalo tsa jone di gola letsatsi le letsatsi ka jalo Batswana ba kopiwa go fokotsa mosepele wa go ya koo mme e bile seo se patikile lefatshe la Botswana le Aferika Borwa go tswala melelwane mengwe.
health
6
A molawana o sekasekwe - Moyo
Ramapodisi wa kgaolwana yasepodise ya lesome le boraro, Rre Counsel Moyo, o kopile lephata la meepo, kgotetsole metsi go baakanya molawana o o itebagantseng le go epiwa gametlhaba ka o ba ketefaletsa tiro. Rre Moyo o buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditsweke molaodi wa kgaolo-potlana ya Thamaga-Mogoditshane, Rre Mothibi Monyakeng Metsimotlhabe. Phuthego e ne e itebagantse le go tla ke methale ya go thibela gogweba ka motlhaba o o tswang mo nokeng ya Metsimotlhabe mo go seng ka famolaong. Rre Moyo a re ba leka ka bojotlhe go thibelago gweba ka motlhaba mo go seng ka fa molaong mme sebe sa phiri ke gore molawana ga opapamale ka dikgato tse di tshwanetseng go tseelwa badiramolato. A re molawana o o leng teng mo bogompienong katlholo ya onee kwa tlase fela thata ka badiramolato ba ka atlholwa madi a a sa feteng seketesa dipula, selo se a reng se dira gore ba nne ba boelele molato oo ka go lemotlhofo go duela katlholo. A re mapodisi a dumela gore go tshwanetse gagagamadiwa molawana o, e bile ba fiwe dithata tsa go tseela ruri didirisiwa tsedi fitlhelwang di diriswa mo bogodung joo. Rre Moyo a re mo nakong eno fa ba gapiledithoto mo malatsing ba a di busa mme se se folodise maiteko a bone a gothibela borukutlhi jo. O tsweletse ka gore mapodisi a eme ka dinao ka ba a tleba tsamae mo nokeng eo bosigo le motshegare mme ba tshware dirukutlhi tseo ebile go lemosegile fa bontsi jwa bone e le batswakwa. Fa a tswa la gagwe, Rre Monyakeng o ne a kopa banni go emela motse wa bone ka dinao mme ba sireletse letlotlo la bonela tlholego ka fa ba sa dire jalo ba tla sala ba iphotlhere. A re morafe o tshwanetse wa nna seopo sengwe ka golemosegile gore borukutlhi bo ka fenngwa fela ke popagano ya morafe. A re go momaruding a morafe go bona gore ba tlhaba mapodisi podimatseba ka borukutlhi jo. E re ntswa go supagala fa morafe o setse o fedile pelo, RreMonyakeng o ba kopile gore ba seka ba tlola molao mo ditshwetsong tse ba tla ditsayang ka fa ba dira jalo ba tlaa di gama ba sa di tlhapela. A re ebile gapego botlhokwa go tshwaraganela joko eo le mapodise ka ba ka se kgone ba le nosi. Fa ba tswa la bone banni ba motse oo ba ile ba lebogelamolaodi go tla ka phuthego ya mothale o ka ba tshelela mo letshogong ka gangwele gape dirukutlhi tse di ba tshosetsa matshelo fa ba leka go di kgalemela. Mongwe wa banni Mme Mmapula Sekolokwane a re puso etshwanetse go tlhwaafalela go dira melao ka ga o direlwe batswakwa fela, a ree bile o na le pelaelo ya gore batswakwa ba ba na le botsalano le mapodise ka monakong e ntsi fa ba leka go bua le mapodise ga ba supe kgatlhego.
crime_law_and_justice
1
Thuto ga e golelwe e botlhokwa
Mothusa mokwaledi wa khansele ya Kweneng, Mme Baipelelang Photloko, a re lenaneo la thuto gae golelwe le botlhokwa. E rile a bua kwa pulong semmuso ya beke ya baithuti ba lenaneo leo, Mme Photloko a tlhalosa fa lenaneo le le le botlhokwa fela thata ka le ruta ditiro tse di farologaneng tsa diatla, e seng go bala le go kwala fela. A re ba na le ntlwana e e kwa Takatokwane, e e nang le dikhomputara mme moithuti mongwe le mongwe o letlelelwa go ya go e dirisa, a tlhalosa fa gape ba na le baithuti ba ba dirisang dipampiri go bopa, le ba ba logang ditlatlana. A re le ntswa go kaiwa fa lefatshe leno le na le kwelo tlase ya itsholelo, puso e dirile maiteko a go tlhabolola kitso ya go bala le go kwala, go thusa lenaneo la thuto ga e golelwe go itshekatsheka. O ne a lekodisa setshaba fa ba na le baithuti mo kgaolong ya Kweneng ba le 1 758, borre ba le 546, bomme ba le 1 204, mme gape mo palong tse go na le bana ba le 246 ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabongwe ba ba sa kgonang go fetsa sekole ka mabaka a a farologaneng. Mme Photloko o ne a tlhalosetsa baithuti le setshaba gore lephata la thuto le itshwaragantse gape le ba Botswana Training Authority (BOTA) ba ba tlaa thusang baithuti ba thuto ga e golelwe ka go ba tlhatlhoba mo ditirong tse ba di ithutseng mme morago ba ba fe ditlankana. O ne a rotloetsa botlhe ba ba tlaa bong ba tseneletse dithuto go di tsaya ka tlhwaafalo ka di le mosola thata. Bokhutlo
education
4
Go simolodisitswe lekgotla la barui kwa Maope
Barui ba meraka ya Maope kwa kgaolong ya legare ba simolodisetse lekgotla la barui le le bidiwang Phirimotho. Fa a tlhalosa ka lekgotla gore le tsile jang, modulasetilo Mme Oganeditse Tumotumo a re ba ne ba sa robadiwe ke magodu bone le maepodisi a Serule. A re seo se ne sa ba ruta go lala paeng ba disitse dikgomo tsa bone, mme ba tla ka moono wa gore ba ipope ba tlhame lekgotla le ba le kwadisitseng ka fa molaong. A re le fa maikaelelo magolo e le go lwantsha bogodu, sengwe gape ke go itshwaraganya le bakenti go kentele malwetse a leruo, le go tlhabolola leruo la bone go nna la boleng jo bo kwa godimo. Leina Phirimotho le tswa mo goreng Phiri ga e sa tlhole e le phologologolo jaanong ke motho wa maoto a mabedi. Mme Tumotumo o ne a laletsa barui ba dithota tse ba leng mo go tsone go gololesega go ka nna maloko a lekgotla gore ba kgone go bua ke lentswe le le lengwe ka ditshwanelo tsa bone e le barui, mme a re le bone fela jaaka makgotla a mangwe ba batla go ipona ba na le seabe mo go thuseng puso ka go ntsha leruo la boleng. Mongwe wa barui, Rre Keineetse Maswabi a re keletso ya bone ke go inaakanya le lekgotla leo segolo bone ba zone 8, 9 le 10 gore ba kgone go buisana le puso ba lebeletse seemo sa go ithola marapo ga puso mo go tsamaiseng matlhabelo. A re ke nako ya gore Batswana ba tsee boikarabelo ka go supa fa ba ka kgona go ka itsamaisetsa matlhabelo. Sebui sa tlotla, mokhanselera e bile e le morui, Rre Thebe Setlalekgosi go tswa kwa Mookane a re thuo ya malatsi ano ke kgwebo, mme e tlhokana le banna le basadi ba ba ititeileng sehuba go emelelana le dikgwetlho tse di ka batlang go ba ema pele. A re ga go na ka fa morui yo o ruelang kgwebo a ka kgonang ka teng kwa ntle ga go reka dipoo tsa letsopa, a re gone moo fela ke gone go fang morui sebaka sa go itse se a se tlhokang mo thuong. A re go botlhokwa gore morui a itse boleng jwa moroto wa poo ya gagwe ka go o tlhatlhoba nako le nako, segolo jang fa a batla go reka poo ya letsopa le le rileng. A re barui ba tswe mo thuong ya bogologolo ya go tlatsa dikgomo tsa bogaolwane ka lesaka, ka seo se ya go ba turela go di jesa. Rre Setlalekgosi a re go botlhokwa go lemela leruo dijo le go di somarelela nako tsa leuba, mme a kgala mokgwa o barui ba o tlwaetseng wa go fa dikgomo letswai a re ga le na bope boleng mo leruong fa le sa tlhakanngwa le kotla epe. A re poo e seka ya gweela bana ba yone ka seo se ka digela boleng jwa letsopa tlase. A re barui ba ithute go inaakanya le barekisi ba dijo tsa leruo le boralophalo, go ba ruta ka tse leruo le di tlhokang ka nako tse di farologanyeng. O tlhalositse fa a na le keletso ya go ba thusa ngwaga o o tlang go rulaganyetsa letsatsi la barui. E ne e rile go le pele, mongwe wa barui ba dipolase tsa Sandveld, Rre Joshua Galeforolwe a supa botlhokwa jwa go tlhama lekgotla la mofuta o, mme a re go tlhoka dikeletso tsa maloko. A re boleng jwa lekgotla bo mo kemeding le go buelela lekgotla ka botswapelo, go lebeletswe ditlhabololo, go fedisiwa ga thekiso ya nama ke khamphani e le engwe, go bewa ga ditlhwatlhwa tsa nama le gone go lwantsha malwetse. A re lekgotla le tlhoka tshwaragano ya maloko le go bua ka lentswe le le lengwe ka mathata a a ba lebaneng, go rutana le go abelana megopolo go godisa lekgotla. Rre Galeforolwe o gateletse gore ba tlaa re lekgotla le itshetletse ba bone ka go oketsega ga maloko a a direlang lekgotla e seng dipalo fela, le go kopana nako le nako e seng fela ka nako ya paakanyetso meletlo. A re go botlhokwa gore maloko a itse gore madi a bone a boloko ba dira eng ke bokae, a re seo ke jone boikarabelo jwa ba ba tlaa neelwe marapo go tsamaisa, go fapaanela maemo go botlhokwa gore mongwe le mongwe a nne le seabe. Rre Galeforolwe a re tsamaiso e e seng yone e ka phutlhamisa lekgotla, segolo jang ya go tlhoka go dupiwa ga dibuka tsa madi. Mogolwane wa sepodisi go tswa kwa Serule, Rre Lesole Mosimane o ne a lebogela tirisano mmogo ya barui, mme a ba kopa go thapa batswakwa ka fa molaong go itsa go thapa dirukutlhi. Senior Superintendent Mosimane a re barui le badisa e nne ditsala ka seo se ka kganela borukutlhi. BOKHUTLO
society
9
Motlhoka-pono o rurifatsa fa phokoje go tshela yoo dithetsenyana
Mme Mmandu Odirile, yo e leng motlhoka-pono, o kgothaditse ba-na-le-bogole go ikamogela le go ikemela ka dinao gore ba kgone go fenya dikgwetlho tse di ba aparetseng. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Odirile yo e leng mongwe wa bagwebi ba ba botlana ba mekgwatlha kwa Palapye a re ba-na-le-bogole ba feletsa ba amiwa ke lehuma le go feta ka go bo ba sa amogele diemo tsa bone le go ikemela ka dinao go fetola matshelo a bone. A re dikgwebo tse dipotlana di ka fetola matshelo a ba-na-le-bogole ka jalo a ba rotloetsa gore ba inaakanye le tsone, a kaya fa kgwebo ya gagwe e potlana e kgonne go mo tshetsa. Mme Odirile a re o simolotse go innakanya le kgwebo e potlana ya mo mekgwatlheng kwa Gaborone, mme ya re ka ngwaga wa 1995 a boela gae kwa Palapye ka ntata ya bolwetse jo ko pheletsong bo neng jwa mofoufatsa ka ngwaga wa 1996. “Fa ke sena go foufala ke ne ka nna le kutlobotlhoko e ntsi, mme ko morago ka ikamogela. Ka ke ne ke setse ke na le bana ba le bararo, ke ne ka kopa Modimo gore a mphe tlhaloganyo ya gore nka godisa bongwanake jang” a tlhalosa. A re morago ga go ikamogela, o ne a ema ka dinao a tsweledisa kgwebo e potlana ya gagwe e a neng a e dira pele a foufala. E re ka gotwe phala e senang phalana ke lesilo, Mme Odirile a re ka a ne a setse e le motlhoka-pono mme a le mo kgwebong, bana ba gagwe ba ne ba mo ruta madi a dipampiri le a ditshipi ka go mo a tshwarisa ka diatla go fitlhelela a kgona go a tlhaloganya otlhe ka go a tshwara. O kaile fa a kgona go thusa bareki ba kgwebo ya gagwe fela jaaka motho yo nang le pono, mme ebile a supa fa bangwe ba a tle ba makalele gore o kgona go busa chenchi a sa tsietsege, a tlatsa ka gore seo ke thuto le thotloetso mo bathoka-ponong ka ene. Mme Odirile, yo o nang le dingwaga di feta masome a mabedi a rekisetsa fa pele ga sepatela sa Palapye, mme ebile le mo bogompienong a ntse a rekisetsa teng, a re kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle mo ebileng a kgonneng go nyeletsa lehuma mo lelwapeng la gagwe. “Ke rekisa tse di rekisiwang ke bagwebi ba mo mekgwatlheng ka go farologana magareng ga tsone e leng dinotsididi, maungo, airtime, dilekere le tsone diaparo tota,” a tlhalosa. A re kgwebo e na le dikgwetlho ka jalo e batla motho yo o pelotelele, boineelo le lerato la go itirela ka matsogo. A re ba-na-le-bogole ba tshwanetse go emisa mokgwa wa go ikaega ka puso a kaya fa ba tshwanetse go ikemela ka dinao go fetola matshelo a bone.
economy_business_and_finance
3
Tshwaragano pinagare ya katlego
Dikereke di supile seabe se setona mo tlhabololong ya lefatshe e bile ke tsone di dirileng gore go rene kagiso le thokgamo mo Botswana. Modulasetilo wa khansele potlana ya Tutume, Rre Ishmael Mokgethi o buile se kwa tshupong semmuso ya komiti ya diphuthego tsa dikereke (Ministers Fraternal) kwa Tutume bosheng. A re dikereke di tshwanetse go ipela ka jaana mo Botswana di tshela ka kgololesego le kagiso ya go obama e bile molao-motheo wa lefatshe o ba letla go rapela go sena sekgoreletsi sepe. O ne a kopa dikereke go aga dikago tse ba obamelang mo go tsone. A re gape ba tshwanetse ba tlhokomela tikologo e ba leng mo go yone a supa fa dingwe di alafela mo nageng mme di tlogele tikologo e sa lebege. O gwetlhile baeteledipele ba dikereke tseo go tshela se ba se rerang a tlatsa ka gore morafe le balatedi ba bone ba solofetse ditiro tse di ntle le tse di eletsegang mo go bone. O kopile komiti eo go itse palo ya dikereke tse di mo motseng wa bone le go itirela molao motheo o o tlaa e tsamaisang. E rile a ntsha la gagwe, Rre Edison Woto o ne a kopa diphuthego tsa dikereke go tshwaragana go nna seopo sengwe gore mantswe a bone a utlwale le gore ba kgone go abelana megopolo ka dikgwetlho tse ba kopanang natso. O gateletse kgang ya kgololesego ya go obamela Modimo mo Botswana a re ka jalo dikereke di tshwanetse go tlotlana. O ne a leboga maloko a komiti eo a re ka yone ba tlaa bopa mowa wa bojammogo le tirisanyo mmogo tse di tlaa rotloetsang tlotlo mo go ba bangwe. Mothusa molomaganyi wa ditiro tsa AIDS mo kgaolwaneng eo Mme Tsholofelo Segone o boletse fa Tutume a lebanywe ke kgwetlho ya batho ba ba maoto a tshupa go itlhatlhobela malwetse a dikobo bogolo jang borre le banana. O gwetlhile dikereke go ema ka dinao go rotloetsa maloko go itlhatlhobela malwetse. Komiti eo e bopilwe ka maloko a le lesome a baruti ba dikereke tse di farologanyeng mo Tutume. Modulasetilo wa komiti eo Moruti Siyane Sisila a re fa ba le mo komiting eo ba seopo sengwe, ba seegela thoko dipharologanyo tsotlhe tsa bone. Gape o rile komiti eo e tshwaraganya dikereke le puso le go thusanya le yone go rera kagiso mo bathong. BOKHUTLO
religion_and_belief
8
Kelediyakgotla o tlogetse tiro ka bogodi
Modiri wa pele wa lephata la dikitsiso, Mme Lesego Kelediyakgotla, yo a neng a direla kwa Serowe o tlogetse tiro ka bogodi kgwedi e fetileng e ya bokhutlong. Mme Kelediyakgotla yo bakaulengwe ba gagwe ba neng ba mmitsa Lesh, o thapilwe mo lephateng la dikitsiso le seromamowa ka 1985 ele mophephafatsi kwa ofising ya Lobatse, mme morago a hudusetswa kwa Mahalapye le Palapye kwa e rileng a goroga teng a thatosiwa maemo go nna messenger/reporter. Morago Mme Kelediyakgotla one a hudusetswa kwa Francistown ka tiro, mme morago a hudusetswa kwa Serowe kwa a diretseng teng ka lebaka go fithelela a tlogela tiro ka bogodi kgwedi e fetileng morago ga go dira mo lephateng le dingwaga dile masome a mararo le bongwe. Mme Kelediyakgotla o boletse mo potsolotsong gore ka nako ya a direla lephata le, one a dira ditiro ditshwana go abela setshaba koranta ya Ka nako ya Mme Kelediyakgotla ele modiri wa lephata la dikitsiso, o ne a ya ithutuntshong ya go tsaya ditshwantsho e bile ke mongwe wa badirelapuso ba ba neng ba abelwa seetsele sa ga tona. Lefa Mme Kelediyakgotla o tlhalositse fa maikaelelo a gagwe ele go kopa mananeo a puso go simolola kgwebo e ka yone a ka itshetsang ka yone le ba lelwapa la gagwe. O tsweletse ka go kgotlhatsa badiri ka ene ba ba setseng mo tirong go dira ka natla go bona gore Batswana ba amogela koranta ya
society
9
‘Amogelang bana’
Mogokaganyi wa mokgatlho wa bomme wa Christian Women Fellowship, Mme Agnes Ncaagae, a re go botlhokwa gore batsadi ba amogele bana ka lerato. Mme Ncaagae o buile jalo kwa phuthegong ya dikereke e e neng e tshwaretswe kwa Mahalapye bosheng. O ne a supa fa ba bone go le botlhokwa go kokoana go tla go rutana le go tlhalosa setlhogo, maikaelelo e le go abelana megopolo le go itseela ditso tsa batho ba bangwe. E rile Mme Helen Motaneko wa kereke ya UCCSA a bua kwa letsatsing leo a itebagantse le setlhogo, a re bana ba gola ba sena tlhokomelo ya batsadi, mo go felelang go diga le maduo a baithuti kwa dikoleng. O tlhalositse gore batsadi ba tshwanetse gore ba nne sekao mo baneng gore ba tseye malebela mo go bone. Mme Motaneko a re batsadi ba rekisetsa bana ditagi, bangwe ba neelwa ke batsadi gore ba ye go rekisa kwa dikoleng a supa fa seo e le go senya bokamoso ja bana. E ntse e le kwa phuthegong eo, mothusa moeteledipele wa lekgotla la dikereke, moruti Thabo Mampane,o ne a ngongorega ka baruti le bomme bangwe ba ba tsisang kgotlhang mo kerekeng, ka go tseelana baratani a re dilo tseo di diga dikereke di bo di thube le malwapa. Mo phuthegong eo, dikereke di ne tsa abela moruti wa magolegwa a Mahalapye Mme Nage Seanokeng dibaebele di le lesome le botlhano e le go supa mowa wa lerato mo baneng ba ba mo dikgolegelong ba ba ipatlelang lefoko la Modimo.
education
4
Mapodisi a Kanye a tshwere monna
Mapodise a Kanye a re a tshwere monna yo e rileng bosheng a tshuba ntlo ya mongwe wa losika ba sena go tlhoka kutlwano. Mogolwane wa mapodisi a Kanye, Superintendent Kealositswe Konyana a re, monna yo, o ne a tshuba ntlo e kwa Goora-Seno a bo a inaya naga. Supt Konyana a re, monna yo, o mo diatleng tsa mapodisi mme o tla isiwa fa pele ga lekgotla mo bogaufing go arabela molato o. E ntse e le kwa Kanye, batsadi bangwe ba kgotla yo o Ruele, ba tsholotse kgang e ba neng ba begile fa go na le mongwe yo o nyeletseng ka koloi ya bone. Supt Konyana a re,e ne e rile go le pele batsadi ba, ba bolela fa ba sa bone lekawana la dingwaga tse di masome a mabedi le bone, ba re mme o ile ka koloi ya bone. A re, ba ne ba tsholola kgang ba sena go bona lekawana le e bile le tla ka koloi e itekanetse, o bile a re go lebega lekawana le ne le romilwe. Mo dikgannyeng tse dingwe, Supt Konyana a re, ka Labone mapodisi a ne a tshwara banna bangwe ba le supa fa e le baruti ba sena go fitlhelwa ba rapelela mme mongwe mo molong wa Kanye. A re banna bao, ba ne ba bolela fa bone ele baruti ba kereke nngwe kwa motseng wa Lotlhakane Botlhaba, ba re bone ba ne ba abela batho dipampiri fela tsa ipapatso. A re banna bao ba ne ba sa tseela ope madi le fa e le sepe, ka jalo ba ne ba gololwa gone foo ba sa lebisiwa molato ope. Supt Konyana o ikuetse mo setshabeng go nna podi matseba ka letsatsi la pulo ya mmolo wa Mongala, a re magodu a ka bona phatlha ya go ba amoga di tsa bone. A re, ke yone nako e magodu ba ka kgonang go amoga batho di tsa bone ba ba solofetsa go ba thapa. Ends
crime_law_and_justice
1
Dikomiti tsa ditlhabololo di tlamega go rola dipego
Mmaboipelego wa kgaolwana ya Madiba kwa Palapye, Mme Godiramang Kgano, a re batho ba ba tshwanetsweng ke go tlhophiwa mo makgotleng a ditlhabololo tsa metse ke ba e leng Batswana ka letso e bile ba itse go bala le go kwala gape ba le dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya kwa godimo. Mme Kgano o buile mafoko a kwa phuthegong e mo go yone banni ba Radisele ba neng ba tlhopha komiti e e tlaa tsamaisang ditlhabololo tsa motse O kopile botlhe ba ba nang le tshwanelo ya go tlhopha mo ditlhophong tseo, go emisa mokgwa wa go dirisa botsala le lesika ka seo se ka ba digela ka lemena la go tlhopha batho ba ba senang bokgoni le boikarabelo ntateng ya go dirisa botsala le lesika. Mme Kgano a re mo melawaneng e mesha e e tsamaisang makgotlana a ditlhabololo, komiti nngwe le nngwe e tshwanetse go rolela setshaba pego ka ditiro tsa yone nako nngwe le nngwe morago ga dikgwedi tse tharo. Mo ditlhophong tseo, tse di neng di emetswe ke batho ba le lesome le botlhano, Mme Boipuso Motsamai o ne a tlhophiwa modulasetilo fa Mme Kelebogile Mmereki a tlhophilwe mothusa modulasetilo, fa Mme Peggy Kebaneetse ene a tlhophilwe mokwaledi fa Mme Thekegelo Ncheng a tlhophilwe mothusa mokwaledi fa Mme Phetso Kebonang ene a tlhophilwe mmamatlotlo wa komiti eo Bangwe ba ba tseneng mo komiting eo e le maloko ke Rre Gotsilemotho Botsang, Mme Pinkie Goitseone, Mme Segametsi Morale, Mme Gomolemo Nthompe le Mme Kagiso Keetile. E rile ba akgela morago ga ditlhopho banni ba Radisele ba ne ba supa boitumelo jo bogolo ka fa ditlhopho tseo di tsamaisitsweng ka teng ba bolela fa di ne di sena tsietso ka go ne go tlhophelwa mo sephiring. Le fa morafe o itumeletse ditlhopho tseo, gone bangwe ba ne ba ngongoregela gore komiti ya pele e paletswe ke go rolela morafe pego ka ditiro tse ba di dirileng ga mmogo le pego ya madi fa ba sale ba tlhophilwe ka ngwaga wa 2014.
politics
7
Lekalana la LEA le aba pompo ya metsi
Lephata le le tlhatlhelelang ka tsa tsamaiso ya kgwebo la LEA e ne ya re ka Labotlhano la segofatsa Mme Gakesenewe Keiletswe wa Letlhakeng ka go mo gokelela pompo ya metsi. E rile a amogela baeng kwa modirong oo, Kgosi Tumelo Puleng o ne a tlhalosa fa maiteko a LEA mo kgaolong ya bone e le tiro e ntle thata, mme a ba kgothatsa go tswelela ka mowa o montle oo wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa LEA kwa Molepolole, Rre Lesedi Ngakane o tlhalositse fa ba ne ba itlama gore mmereki mongwe le mongwe mo lephateng la bone a ntshe seabe sa gagwe, e le tsela nngwe ya go supa lorato le mowa wa neelano. O ne a tlhalosa fa ba kopantswe le Mme Keiletswe ke ba ofisi ya boipelego ya Letlhakeng. Rre Ngakane o kaile fa ba ne ba tlhalosediwa gore e re ntswa batlhoki ba le bantsi mo kgaolong eo, seemo sa ga Mme Keiletswe sone se tlhokana le thuso ya potlako ka jaana a nna a le nosi e bile a godile. Mme Wagomotsa Paledi, mmereki mo LEA o boletse fa e se maiteko a bone a ntlha e le ba LEA mo go thuseng Batswana mo kgaolong ya Kweneg ka jaana ba kile ba aba dilwana le go baakanya ntlo mo metseng e mengwe. O tlhalositse fa go gokela pompo eo go lopile P3 500, mme a a neng a setse ba ne ba felela ba mo pentela ntlo le go e feleletsa ka thotloetso ya dikompone tsa Jamal Trading, Bulders World le tse dingwe. E rile a tswa la gagwe, Mme Keiletswe o ne a bolela fa se a se diretsweng ke ba LEA e tlaa nna mpho ya sennela-ruri mo botshelong jwa gagwe. O ne a kgothatsa lekalana leo go tswelela ka mowa o montle mme ba thuse ba ba dikobo dikhutshwane jaaka ene. Mokhanselara wa Letlhakeng Borwa, Rre Opaletswe Mogolwane o ne a kaya fa mpho eo e le khumo mo go Mme Keiletswe, a bolela fa khumo e se ya mantlontlo fela mme le yone mewa ya kutlwelobotlhoko e mo dikaganyetseng. O ne a bolela fa Mme Keiletswe a segofaditswe thata mme seo se mo itumedisa thata e le moeteledipele wa kgaolo, e bile a na le tsholofelo ya gore lekalana leo le tlaa tswelela le thusa batho ba kgaolo ya gagwe.
society
9
Ba-na-le bogole ba tla pele
Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Daniel Kwelagobe a re ba-na-le bogole ba tshwanetse go thusiwa pele ga mongwe le mongwe. Mopalamente a re lenaneo le ke le le ntshitsweng ke puso e bile moono wa lone ke go neela motho yo o tlhaelwang ke ditlamelo go gaisa yo o kgonang. Ke ka moo a neng a supa gore ba na le bogole ke bone ba ba tla thusiwang pele mo mananeong otlhe a ga goromente. O ne a fa sekai sa gore fa bana ba pasitse mmogo, mo-na-le bogole o tshwanetse a fiwa maemo a ntlha fa go tsena mo go tsa khiro kgotsa tsa go tsweledisa dikolo go ya pele. O ne gape a rotloetsa bagolo go isa bana ba ba nag le bogole ba bannye kwa dipateleng tse di mabapi go ya go ba kwadisa. A tlhalosa gore fa bana ba, ba kwadisitswe kwa dipatela ba tla akanyediwa pele ga bana botlhe e bile ba tla fiwa ditlamelo tse di maleba pele. O tlhalositse fa bana ba, ba tshwanetse go fiwa dikarata tse di faphegileng ebile di tla ba thusa fa go tsena mo maneneong kgotsa ditlamelo dipe fela tsa lefatshe leno. Rre Kwelagobe are maikaelelo a lenaneo le ke gore ba na le bogole ba seka ba fithwa mme ba ntshiwe kwa morago ga malwapa a tlatsa ka gore puso e lemogile gore ba na le bogole ba fitiwa ke dithuso tse di ba lebanyeng ka ntlha ya gore ba masika ga ba ke ba nne tshika ya go ba ntshetsa kwa ntle mme ba ba tshwalela mo matlong kgotsa ba ba fitlha. O tlhalositse fa batho ba, ba na le tshwanelo ya mananeo a nyeletso lehuma e bile a supa gore le mo mananeong a nyeletso lehuma ba na le bogole ba tshwanetse go thusiwa pele., a tlatsa ka gore e bile ka dipaka tsotlhe ba tshwanetse go thusiwa pele. Mo go tse dingwe, Mopalamente o tlhalositse fa kgopho ya metsi mo Molepolole e tla simolola ngwaga ono e bile e neetswe didikadike tsa dipula di le masome a le mane go dira kgopho ya metsi. O ne tlhalosa fa lenaneo la kgopho ya metsi le emisitse ditlhabololo ka bontsi mme jaanong ngwaga o go lebega o tla thusa ka seemo sa ditlhabololo tse ntseng di eme. O ne gape a supa gore moalo wa ntlha wa kgopho ya metsi o tlodilwe ke nako mme ka ntlha ya seo ga nna go nna bonya gore batho ba ka thusiwa ka go epelwa mahuti a kgopho ya metsi aa leswe mo malwapeng a bone mme ka se banni ba Molepolole ba ngongorega fela thata. Le fa go ntse jalo a supa fa jaanong madi aa ntshitsweng a tsile go simolodisa lenaneo leo mme go diriwa moalo o mosha wa kgopho ya metsi. Kwa bofelelong ba Ntloedibe ba ne ba supa Boitumelo jo bogolo tebang le dikgang tse kgang ka ba tlhalosa fa go ne go le dingalo go ya go kopa ditlamelo tsa mon le bogole ka jaana ba tshwanelwa ke go ema lobaka lo loleele. Ba ne gape ba supa fa mo go tsa kgopho ya metsi aa leswe ba ne ba sa kgone go tlhabolola matlo a bone ka jaana go ne go sena thuso epe e ba neng ba e bona, tebang le seo. Ba ne gape ba bolelela Mopalamente fa ba lebogela mananeo a puso a nyeletso lehuma. Ba tlhalositse fa a ba tswela mosola e bile a ba namotse mo leubeng ka jaana bontsi bo supile fa ba ne ba sa inee sepe. Le fa go ntse ba ne ba bolele Mopalamente fa goromente a tlisitse mananeo a mantle ao, mme bothata jo ba tshwaraganeng le jone ele jwa bodredi. Ba ne ba bolela fa bodiredi bo le boitseme e bile mananeo a tla tloga a fela ba ise ba thusiwa botlhe ka jaana ba na le kgatlhego ya go tlhabolola matshelo a bone. Bokhutlo
politics
7
Mokgatlho o leboga maloko
Ke tlwaelo gore fa ngwaga o ya bokhutlong, Batswana bangwe ba iphutlhe metlhala ka go kgaoganya dilwana, madi le go tswa ka megopolo tebang le maikaelelo a go tokafatsa mekgatlho ya bone. E rile bosheng setlhopha sa bomme ba le lesome le bobedi se se bidiwang Re mmogo-Mosadi Thari mo Maun sa bo se le sengwe sa tse di gatetseng pele ka go abela maloko a sone dimpho e le tsela nngwe ya go ipaakanyetsa ngwaga o o tlang. Modulasetilo wa mokgatlho, Mme Kwenana Sikalokae wa kgotla ya Boseja kwa Maun, a re ba ne ba ipopa setlhophana e le bomme, moono mogolo e le go itsolopanya go lwantsha manokonoko a dikgwetlho tsa botshelo a a bakiwang ke tlhaelo ya madi. A re Re Mmogo-Mosadi Thari ke seane se se rotloetsang bomme go ema ka dinao go itirela ka diatla tsa bone ka ba dumela gore mosadi o bonwa ka ditiro. O tlhalositse gore mokgatlho wa bone o simolotse ngogola fa ba ne ba ipeela seelo sa gore mongwe le mongwe wa bone a ntshe madi a a kana ka makgolo a mabedi. Madi a a ne a dirisiwa go rekela leloko lengwe le lengwe dilwana tse di jelang, dipitsa le dikopi. Mme Sikalokae a re ba ne ba leka ka bojotlhe go rekela maloko didirisiwa tsa kago go ya ka botlhoki jwa leloko. Mme Sikalokae o supile fa ba ne ba tshwarela meletlo kwa go mongwe le mongwe wa maloko kgwedi le kgwedi go dira jaana e ne e le tsela ya go rotloetsa botsalano gareng ga maloko le ba masika a bone ka gotwe setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata. A re go dira jaana go ba thusa fela thata, ka ba belegana e le bomme fa yo mongwe a wetswe ke seru kgotsa a na le moletlo jaaka wa lenyalo maloko a tswa letsholo go thusa. Le fa go ntse jalo o supile gore fa go na le moletlo,dilwana tse ba di rekileng ba dirisa tsone go ya go tsweledisa tiro. E re go ntse jalo, mongwe wa maloko Mme Patricia Johanness wa kgotla ya Boseja yo sefatlhego sa gagwe se neng se tletse ka boitumelo o supile fa botshelo jwa gagwe bo fetogile ka a na le tsotlhe tse mme wa lelwapa a ka nnang le tsone. O gwetlhile bomme jaaka ene go se itshele meriti e tsididi ka a re ‘ mabogo dinko a a thebana’. O rotloeditse borre le bone go se ipone tsapa a re le bone ba inaakanye le mekgatlho ya mofuta o go itlhabolola. Mme Goakanyeng Mogapi wa dingwaga tse di masome matlhano le borobabobedi o supile fa a le motlotlo ka tsotlhe tse motshelo o di mo diretseng. A re tlotlo, kutlwano, tekatekano le lorato ke tsone tse e neng e le tsela ya phenyo ya bone. O gateletse thata gore lenyatso mo motshelong ga le tlhokafale go sa kgathalesege gore maemo ke afe.
society
9
Mapodisi ba abela ba Maboane
Mapodisi a Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba ne ba diretse bagolo le batlhoki ba Maboane dijo tsa motshegare. E rile a amogela baeng, Kgosi Kaisara Phuthego wa Maboane, a galaletsa mapodisi ka tiro e ntle e ba e dirileng, a supa fa tiro e e ba gwetlha e le morafe wa Maboane gore le bone ba ithute mo go se mapodisi ba se dirileng. Kgosi Phuthego o supile gape fa ba itumelela tiro e ntle e e tsweletseng e dirwa ke mapodisi a lefatshe leno, a supa fa ba sa itebaganye le go lwantsha borukutlhi fela mme ba tsisa monyenyo mo setshabeng. O tlhalositse fa tlhokomelo ya bana e le kwa tlase mo batsading, a supa fa bangwe ba seke ba tla malatsing a boitapoloso go ya go tlhola batsadi, a bo a ba lemotsha gore ba gaisitswe ke mapodisi. Mookamela mapodisi a Takatokwane, Superintendent Ocean Maraganyane, o ne a tlhalosa fa ba bonye go le botoka gore e re ngwaga le ngwaga ba direle bagolo dijo tsa motshegare, a supa fa ba simolotse kwa Takatokwane ka 2015, mme ya re ngogola ba direla bagolo ba Salajwe mme ba bona go tshwanela gore monongwaga ba direle Maboane. O ne a tlhalosa fa Kgosi Phuthego a ne a ba eme nokeng mo tirong e, a supa fa ba itumela gore ba tsisitse monyenyo mo difatlhegong tsa bagolo, a bo a ba kopa go itlhatlhobela makoa a a farolganyeng ka ba ne ba biditse le ba bongaka. Mooki Midah Mogonono o ne a supa fa botsogo bo batla motho a tsogile mo mmeleng le mo tlhaloganyong, a tlhalosa fa go ja dijo, bogolo thata tsa Setswana le go itshidila go tsisa botsogo jo bo siameng. Mme Mogonono o supile fa go itshidila go akaretsa go thuga, go tsamaya ka dinao, go tshega le go tshameka, a bo a kopa bagolo go nna ba dira sengwe se se tlaa ba sidilang. O ne a kopa bagolo gore fa ba utlwa ba sa tsoge sentle ba fefogele go ya fa kokelong, a supa gore fa molwetse a nna ka bolwetse lebaka bo kgona go kekela mme e re fa a ya go itekodisa seemo se bo se setse se tsere phekelo e sele. O tlhalositse fa bogologolo bojalwa bo ne bo nowa nako nngwe, mme malatsing a bo nowa tsatsi le letsatsi, selo se se dirang gore batho ba felele ba nna ba tagilwe, a bo a kopa bagolo go ya go ikgakolola gore letsatsi la keresemose le raya eng ka go etela kwa dikerekeng. Mothusa molaodi wa Letlhakeng Rre Mosipidi Mokgolele, o ne a supa gore fa motho a batla go kgoma pelo ya Modimo, a itumedise bagolo jaaka mapodisi a dirile, a supa fa mapodisi a kile a ne a tshajwa bogologolo mme gompieno ba kgona go itumedisa batsadi.
crime_law_and_justice
1
Tsogwane o rotloetsa maloko go gagamatsa ipapatso
Modulasetilo wa Botswana Democratic Party (BDP), Rre Slumber Tsogwane, o kgothaditse maloko a phathi eo go tshwaraganela ipapatso ya ditlhopho tse di tlang. O buile se kwa Toromoja Phukwi a tlhola malatsi a le masome mabedi le bosupa kwa phuthegong ya go supa ntlhopheng wa bokhanselara jwa kgaolo ya Toromoja/Tsienyane Botlhaba. Rre Tsogwane, yo gape eleng Mothusa Tautona wa Botswana, o rotloeditse maloko a phathi go bapatsa maitlamo le molao motheo wa phathi. A re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o tsweletse le go itsalanya le mafatshe a mangwe ka dipuisano le tshwaragano e le tsone di dirang gore mafatshe a thusane. Rre Tsogwane a re mafatshe a meletsa Botswana mathe ebile a batla go tshwaraganela le ene papadisano. A re tautona o menne phatla go isa Botswana kwa pele mme a kopa setshaba go mo sala morago gore diphetogo tse a di eletsang di diragale. O ba gakolotse go sekaseka mapolotiki pele ga ba ka ba sala morago a re BDP e na le baeteledipele ba ba nonofileng. A re kgang ya metsi e seka ya ba tshwenya ka e bonetswe madi kwa bankeng ya mafatshe. Mokhanselara yo o ithophetsweng gape e le moeteledipele wa ipapatso ya kgaolo ya Boteti Bophirima, Rre Baobonye Loeto, o kopile maloko go bapatsa BDP ka mashetla gore e tle e tsweledise ditlhabololo. Rre Loeto a re dilelo tsa bone tsa lefatshe, ditlou le metsi di tlaa rarabologa ka gore puso ya nako eno ke ya therisano le neelano. Mothusa Tona wa Botsogo le Boitekanelo yo gape e leng mopalamente wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe a re kgaolo ya Boteti ke boremelelo jwa BDP. Rre Lelatisitswe a re puso ya gompieno ke ya therisano a supa fa go boetswe morago tiriso jaaka fa e ne ya reetsa Batswana mme ya tsaya tshwetso go boela morago tiriso ya motshine o o tlhophisang le go tsibogela kgang ya ditlou. Rre Lelatisitswe o kaile fa ntlhopheng wa kgaolo, Rre Mathias Mbaeva a diretse kgaolo sebaka se seleele e le modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC). A re Rre Mabaeva o tswa kgakala le BDP a le boikanyego ka jalo a kopa maloko go mo ema nokeng. Fa a tswa la gagwe, Rre Mbaeva o kopile banni go mo romela kwa khanseleng go ya go tsweledisa se a ntseng a se dira e le modulasitilo wa VDC. Rre Mbaeva a re o ne a rolela baeteledipele dilelo tsa kgaolo e ka nakotsotlhe, a re o dumela fa a na le bokgoni.
politics
7
Tshireletso o itshetsa ka tshipi le senke
Ke boammaaruri gore metlhala ya khumo e mentsi. Rre Lentsenye Tshireletso o ka rurifatsa seo, mme ene o itlhophetse go latela metlhala ya khumo ka go dira ka tshipi le senke go tshetsa ba lelwapa la gagwe. Rre Tshireletso wa dingwaga tse di masome a matlhano le boraro wa kgotla ya Mathuba kwa Machaneng, o boletse mo potsolotsong gore botsala jwa gagwe le go bereka ka tshipi le senke bo sale bo simologile ka 2007 go fitlha mo nakong eno. Ka gotwe dilo makwati di kwatabololwa mo go ba bangwe, Rre Tshireletso a re ga a tswele tiro ya go nosetsa tshipi le senke sekoleng mme o e anywile fela mo mongweng wa ga gabo. O kaile fa a itebagantse le go dira didirisiwa di tshwana le dikotsekara, ditshipi tse di dirisiwang go tshwaa leruo, mabati le diheke tsa senke, meriti e e dirisiwang kwa mabitleng gammogo le matshego. A re, ere le ntswa a ise a nne le botsipa jwa go dira didirisiwa tse dingwe jaaka dikiriba le dipitsa, o kgona go di baakanya fa di senyegile. Rre Tshireletso o boletse fa kgwebo ya gagwe e sa mo ngongoregise ka ene le ba lelwapa la gagwe ba seke ba lala ka tlala, a tlatsa ka gore le bana ba gagwe o ba tsenya sekole ka bontlha bongwe jwa madi a a a dirang. O supile fa a itshimololetse kgwebo e ka bonyennyane jo bo neng bo tswa mo pateng ya gagwe, mme a re o eletsa go bona kgwebo ya gagwe e godile. Rre Tshireletso a re, " Maikaelelo ke go bona kgwebo yame e godile e bile ke kgona go thapa ba bangwe gore ke fokotse letlhoko la ditiro," A re o ikaelela gape go e atolosa mme e bile a kaya fa a setse a e bonetse setsha e bile a na le mogopolo wa go itshwaraganya le ba ba maleba gore a kgone go ikopela madi ka lengwe la mananeo a puso gore a tle a fitlhelele ditoro tsa gagwe. Rre Tshireletso a re boineelo, lorato, botlhaga ga mmogo le tlotlo mo bareking ke boitsholo jo bo botlhokwa thata mo kgwebong. O gwetlhile ba ba santseng ba saletse kwa morago go itsosa ka gotwe mokoduwe go tsoswa o o itekang, a re setshaba se tshwanetse sa ema ka dinao go thusa puso go lwantsha lehuma. Fela jaaka dikgwebo tse dingwe, Rre Tshireletso a re ya gagwe le yone e lebanwe ke mathata a akaretsang bokgakala jwa kwa a rekang didirisiwa teng le go tlhoka go duelwa sentle ke bangwe ba ba tsayang dithoto tse a di dirang ka sekoloto.BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Etsha 8 o itumelela ISPAAD
Balemi ba Etsha 8 ba itumeletse go tsenyetswa terata ya masimo ka lenaneo la ISPAAD. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, mongwe wa maloko a mokgatlho wa Tshwaragano Rre Johnson Nashwena o supile fa ba le mo boitumelong jo bogolo thata ebile ba solohetse go bona thobo e e kgolo mono ngwaga. A re e le balemi ba Etsha ba ile ba ikopanya morago ga go utlwa ka lenaneo le ko molemising wa bone mme ba ikatumeletsa go ya go kopa dithuso. “Ga re a ntsha le ha e le thebe, lenaneo le ke e le siameng fela thata ebile re setse re tshwere dilotlele tsa masimo a rona,” Rre Nashwena a supa boitumelo. O supile fa molemisi wa bone mo kgaolong a ne a ba thusa ka botswapelo, segolo jang fa ba setse ba tlhama molao-motheo wa lekgotla la bone. Mookamedi wa tsa thobo kwa Gumare Rre Moreetsi Mogolo o buile gore ba simolotse go rulaganya tse di tlhokegang le mokgatlho wa Tshwaragano ka 2008“Tiego e tlile fa balemi ba tshwanetse go tla ka molao-motheo, mme karolo e ke yone e e botlhokwa thata mo lenaneong le ka gore puso e batla batho ba tshwaragana ba dira mmogo. Jaanong molao motheo o tshwanetse wa tsepama, wa itlhalosa ebile o akaretsa maloko otlhe,” ga tlhalosa Rre Mogolo. A re go setse go na le balemi ba le mmalwa ba ba supang kgatlhego mo lenaneong ebile ba setse ka ikatumeditse fa dikantorong tsa bone. “Re na le balemi ba Xhurube, Sepopa, Etsha 10 le Etsha 5 ba re setseng re bereka le bone,”ga bua Rre Mogolo. BOKHUTLO
environment
5
Banni ba Lobatse ba ngongoregela therisanyo
Mokhanselara wa Peleng Legare, Rre Monabana Mokganedi a re banni ba Lobatse ga ba tshabe diphetogo, mme ba eletsa go akarediwa mo mererong ya ditsamaiso tse di ba amang. Rre Mokganedi o boletse jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mogokaganyi wa motshine wa ditlhopo, Rre Gabriel Seeletso mo Lobatse ka Mosupologo. Rre Mokganedi a re bone ba lebogela motshine o o tlhophisang, mme fela ba kopa gore mo nakong e e tlang ditshwetso tse di ntseng jaana di ne di dirwa go sena go rerisiwa Batswana pele. O ne a tlhalosa fa batlhophi ba ikemiseditse go dirisa motshine; mme a re ithutuntsho e a tlhokega gore mongwe le mongwe a nne le kitso ka tiriso ya one. Mongwe wa banni ba Lobatse, Rre Solly Diphoko o ne a latlhela la gagwe a re patlo maikutlo e ne e tshwanetse gore e kabo e dirilwe go tsaya megopolo mo batlhophing gore le bone ba latlhele se ba nang le sone ka fa ba eletsang gore tsamaiso ya motshine e nne ka teng fa ba dumalana le one. Rre Diphoko a re ba romile mapalamente kwa palamenteng go ya go ba buelelela e seng go tsaya ditshwetso ba sa ba rerisa. E rile a fetola, Rre Seeletso a re mapalamente ke baeteledipele e bile ke batsadi, a re motsadi o kgona go tseela bana ditshwetso mo lapeng le fa ba se yo, a itse gore tshwetso e a e tsayang e ka ba solegela molemo. BOKHUTLO
politics
7
Kgang e a kukela kwa Mogononong
Mapodisi a Thamaga a mo patlong ya batho bangwe ba ba tlhorontshang banni ba masimo a Mogononong gaufi le Kumakwane kwa kgaolong ya Kweneng. Mogolwane wa Mapodisi a Thamaga, Superintendent Moses Kwarare, a re sebe sa phiri ke tlhaelo ya bodiredi le ditsompelo jaaka dikoloi. Le fa go ntse jalo, a re ba beile seemo leitlho go thusa morafe jaaka go tshwanetse. Kgang kgolo ke gore batho bangwe ba ba utswang motlhaba wa molapo ba tlhorontsha banni ka go ba tshubela matlo le go ba tshosetsa matshelo. Bosheng go tshubilwe matlo a le mararo mo malwapeng a mabedi aa farologanyeng. Go belaesega fa tiragalo e, e dirwa ke batho bangwe ba ba reng banni ba ba kgoreletsa go epa motlhaba mo molapong wa Metsimotlhabe. Go bolelwa fa mongwe wa babelaelwa, yo go kaiwang e le motswakwa, a ne a tlhasela lelwapa la ga Mme Kelemogile Batsietsi ka go tshuba ntlo e e neng ya sha ya ba ya lora. Seemo se, se ne sa tlama bogogi jwa kgaolo potlana ya Mogoditshane/Thamaga go tshwara phuthego ya tshoganetso ka Labotlhano. Bogogi kwa phuthegong eo, bo ne bo akaretsa modulasetilo wa khansele potlana, Rre Dukes Mafhoko, molaodi Rre Gobe Macha le mapodisi. Le fa go ntse jalo, e ne ya re phularong ya bogogi jwa kgaolo, ga tshujwa matlo a mabedi a lelwapa la ga Rre Goitsemodimo Motsewabeng. Se, ke sone se tlogetseng banni ba masimo a Mogononong ba jele magala. Ba re fa maphata aa lebaneng a sa ba emele ka dinao, ba tlaa ipusolosetsa. Bangwe ba bone ba boletse mo potsolotsong fa ba itshokile mme jaanong ba ba baletswe. Modulasetilo wa komiti e lwantshang borukutlhi kwa kgaolong eo, Rre Moffat Letsholo, a re ba ne ba na le tsholofelo ya gore ba ba lebaneng ba tlaa tsaya boikarabelo jwa go tlhomamisa pabalesego ya bone mme ga go nko ee tswang lemina. A re mapodisi a kgaolo ya Thamaga a goga dinao go ba thusa ebile ba sireletsa batlhasedi ka go ikgatholosa bothata jo banni ba iphitlhelang ba le mo go yone. “Re ipotsa gore a dikgato tse di maleba di tla tsewa fa go setse go sule motho ka jaana re ne ra supa gore matshosetsi a batho bao a a tshela, mme ra ikgatholosiwa go fitlhela bothata joo bo ipoeletsa”, ga tlhalosa Rre Letsholo. Kgosana wa kgaolo, Rre Masega Thobega ene o solofeditse fa atlaa tsibogela kgang eo ka go tsaya dikgato tse di maleba. A re o simolotse ka go kgalema ngwana wa gagwe yo go kaegang a amega mo dikgannyeng tseo. Banni bangwe ba tlhalosa fa ba tshelela mo poifong e bile ba tlamega gonna ka digongwana bosigo le motshegare ka jaana ba tsweletse ka go amogela matshosetsi. Molaodi wa kgaolo potlana ya Mogoditshane/Thamaga, Rre Gobe Macha, a re e re le ntswa ba tsweletse ka go batla tharabolo ya sennela ruri, tsholofelo ke gore ba tlaa ntsha setlhopha go baa seemo leitlho bosigo le motshegare. Fa a ntsha la gagwe modulasetilo wa khansele potlana, Rre Mafoko a re ba ne ba tsibogela seemo seo ka go thusa ba ba amegileng ka dijo le diaparo. Fela a re o tlhobaediwa ke gore mapodisi a goga dinao go thusa morafe go tila tshololo ya madi. O solofeditse go tseela kgang kwa pele. BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
Molapowabojang o mo lenyoreng
Kgosi wa Molapabojang mo kgaolong ya borwa o lela sa khuranyo ya meno ka ntlha ya letlhoko le le ntsi la metsi mo motseng wa gagwe. Kgosi Michael Ratsoma o buile seo mo potsolotsong, a tlhalosa fa ba bone metsi la bofelo kgwedi eno e tlhola gabedi. A re seemo seo se ba baya ka fa mosing, a tlhalosa fa bangwe ba babereki mo motseng ba sa theogele ka ntlha ya go tlhoka metsi. A re se se ngomolang pelo ke gore go lebega ekete ba koparase ya metsi kwa Lobatse ga ba tsibogele seemo seo. Kgosi Ratsoma a re dikolo di sa tswa go bulwa mme a re o ipotsa gore bana ba dikolo ba ya go tshela jang ntleng le metsi. O supile fa ka nako ya ba nosiwa metsi ke ba khansele ya Borwa letlhoko la metsi le ne le le botoka mme a re nako e tsile ya gore puso e ba busetse kwa khansele eo ka gore ba gomagomediwa ke go nyelediwa ke lenyora. Mongwe wa banni ba Molapowabojang, Mme Rethabile Johane, le ene o tlhalositse fa go tlhoka metsi go sa ba kgontshe go dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi. A re gantsi ba gelela metsi ka ditanka go a dirisa mo isagong mme mo go seno sebaka ba setse ba a dirisitse otlhe, a tlatsa ka gore ba kopa metsi mo Lobatse fa bangwe bone ba reka mo marekisetsong a tshwana le Choppies . Bangwe banni ba motse oo, ba ne ba tlhalosa fa le mananeo mangwe a puso a akaretsang la temo ya merogo a pala, ka ntlha ya seemo sa metsi se se sa ba letleng go dira sepe. Ba re ke mangwe a mananeo a a neng a ka ba tswela mosola fa metsi a ne a le teng. Banni bao ba supile fa ba kopa metsi kwa metseng e mengwe e akaretsa Digawana le Lorwana, ba tlhalosa fa bangwe ba ba lopa madi go ya go ba gelela metsi.
environment
5
Dikgosi di kopiwa go lwantsha mogare
Mothusa Tautona Slumber Tsogwane a re le fa mo nakong eno go se ope yo o tshwerweng ka mogare wa COVID-19, go botlhokwa go monela marulana pele. Fa a buisa maloko a Ntlo ya Dikgosi kwa dikagong tsa Palamente ka Labobedi, Rre Tsogwane o ne a re puso, e eteletswe pele ke baitseanape ba lephata la botsogo le boitekanelo e loga maano a go thibelela gotlhelele gore mogare wa corona o seka wa tsena mo Botswana. A re mosele wa pula o epiwa go sale gale, e bile setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata, ka jalo go botlhokwa gore dikgosi di tshwaragane le mapolotiki le badiredi ba lephata la botsogo go lwantsha le go thibela kanamo ya mogare wa corona. Rre Tsogwane o supile fa magosi a na le seabe se segolo mo go iseng dikgang kwa morafeng. O supile gore thekiso ya bojalwa mo malwapeng ke nngwe ya tse di tlaa angwang ke melawana ya go laola kanamo ya mogare wa corona. Ka jalo, a re puso e ikuela mo magosing go thusa go tsibosa morafe gore maiteko a a dirwang go laola mogare wa corona a nne le mosola. O supile gore dipalo tsa batho mo ditirong tsa morafe jaaka manyalo le dintsho di tla amiwa ke melao e e laolang go kgobokana ga batho. Maikaelelo ke go itsa kanamo ya mogare wa corona, ka jalo batho ga ba letlelelwe go kgobokana mo lefelong le le lengwe ba feta lesome, ga tlhalosa Rre Tsogwane. Motsamaisa dipuisanyo tsa Palamente, Rre Phandu Skelemani o tlhalositse gore ka tsamaiso ya Setswana, ‘mafoko a kgosi a agelwa mosako’, ka jalo a dumela gore molaetsa wa ba botsogo o o itebagantseng le go lwantsha corona o tlaa goroga kwa morafeng. “Fa go bua magosi, theetso e tlaa nna teng, thata le gone,” ga gatelela Rre Skelemani. Rre Skelemani a re o lemogile bosheng mo ditirong tsa morafe ka go farologana, fa bangwe ba setse ba simolotse go tshegetsa ditaelo tse di beilweng le fa gone batho ba sa utlwele gongwe ka go lebega bangwe ba saletse kwa morago. “Re batla gore le bolole lotlhe, mapolotiki le magosi le bue le Batswana.” E rile a lekodisa dikgosi ka seemo sa bolwetse jwa COVID-19, tona wa lephata la botsogo le boitekanelo, Dr Lemogang Kwape a re bokete le bogale jwa segajaja sa COVID-19, bo gomagometsa mehama ya botsogo, itsholelo le itshireletso. “Marara, mpudi o haretswe, a re itseteleng adimo re thibele mmaba yo. Mogare wa corona ga o tlhophe malata, o ganyaola fela,” ga tlhalosa Dr Kwape. Dr Kwapeng a re le fa ba botsogo le boitekanelo ba tsweletse ka go dira dilthatlhobo, ka pabalelo ya Modimo ga go ise go nne le ope yo o tlhomamisistsweng a tsenwe ke mogare mo Botswana, ka jalo mo nakong eno ntlha ya konokono ke thibelo. “Re malala a laotswe gore ba ba fitlhelwang ba lwala ba thusiwe ba tokafale. Re tsweletse ka go tlhabolola ditlamelo tsa botsogo go lepalepana le segajaja se,” ga tlhalosa Dr Kwape. Dr Kwape a re badiredi ba botsogo mo dikgaolong ba filwe maele a go keleka balwetse gore ba kgone go lemoga ba ba supang dikai tsa mogare wa corona. A re magosi ba tsee boikarabelo jwa go anamisa molaetsa wa itshireletso. “A re bueng le setshaba gore bana ba rona ba ba kileng ba supa dikai tsa mogare mme go tlhomamisitswe gore ga ba na nao, le ba ba tswang kwa mafatsheng a a amilweng bobe ke mogare wa corona, ba seka ba bifelwa,” ga tlhalosa Dr Kwape. Modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Puso wa Batlokwa a re bosele bo sena mahube, ka jalo Batswana ba solofele gore ga ba kake ba kgona go dira ditiro tsa matshelo a bone le tse dingwe ka mokgwa wa tlwaelo. “Ga se nako ya go bua gore re tlwaetse go dira jaana, ke nako ya go fetola mekgwa ya go dira. A re ruteng Batswana go tsaya boikarabelo jwa go amogela diphetogo tse di tlang ka mabaka a bolwetse jwa COVID-19,” ga tlhalosa Kgosi Puso.
health
6
Tshireletso ya ngwana boikarabelo jwa botlhe
Go tlaa agwa dikole tse dipotlana di le tharo mo kgaolong ya Palapye. Go buile jalo Mopalamente Moiseraele Goya yo o neng a buisa phuthego bosheng, o ne a araba ngongora go tswa banning ya gore maduo a bana ba dikole tse dipotlana ga a jese diwelang. Ba re se se dirwa ke gore ba tsaya mesepele e meleele go ya sekoleng. Rre Goya a re dikole tse di ntsha tseo di tlaa fokoletsa bana mesepele. Banni ba ne ba bolelela mopalamente ka borukutlhi jo bo ileng magoletsa, bogolo jang jwa tiriso botlhatswa ya bana ba basetsana. Ba bua jaana ka go bo mapodisi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosetsanyana mongwe a neng a dirisiwa botlhaswa ke monna mongwe a bo a mo keteka. Mapodisi a supile fa a ipapanne go lwantsha dikgang tseo ka go tlhoma setlhopha sa makolwane le maroba a motia go itepatepanya le borukutlhi joo. Mokhanselera wa Mmaphule Bophirima Mme Segametsi Ralegoreng a re seemo seo se ngomola pelo. O ne a supa batsadi ka monwana a re ba na le seabe mo ditirong tse di maswe tseo ka ba itlhokomolositse kgodiso le kgolo ya bana. A re tiriso ya bana botlhaswa le dipetelelo di diragalela bogolo jang bana ba dingwaga tse di kwa tlase. O ne a supa fa ngogola a ne a tsaya matsapa a go itebaganya le bana ba ba sailang mo mekgwatheng. A re kgato eo e ne ya nna le maduo ka bangwe ba bana ba ne ba kgona go boela sekoleng. A re seemo se se phatlola pelo ka se bakwa ke majalwa a batsadi ba bana bao ba a dirang, mme e bile gape a oka dirukutlhi. Mogolwane wa tsa thuto Mme Neo Kubuetsile o ne a supa fa lephata la gagwe le dira ka gotlhe go godisa ngwana go tsamaelana le thuto. O tlhalositse fa go na le lenaneo la go isa maduo kwa setshabeng le gone go tlhabolola thuto kwa malapeng, le go rotloetsa boitshwaro jo bo siameng ka go inaakanya le mekgatlho e tshwana le ya bosupatsela e e rutang bana maitseo le setho. Banni gape ba ne ba supa matshwenyego ka tiego ya go ajwa ga ditsha kwa Extension 11, ba re go didimetswe fela ntswa ba ne ba solofeditswe gore kabo ya ditsha e tlaa dirwa di sena go tsenngwa ditirelo. Ba re jaanong lefelo leo le fetogile mafudiso. Ba ne ba ngonorega gape gore ditsha tsa bone di mo selokong mme ka dinako tsa dipula ga ba kgone go tswa mo malapeng. Ba kopile go letlelelwa go dirisa ditsha tse di seegetsweng fa thoko ke ba lephata la kabo ditsha ka di oka magodu le gore beng ba ditsha tse di sa tlhabololwang ba batlwe ka gore di medile ditlhare mme le tsone di ba okela magodu. Fa a araba, modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Palapye Rre Joseph Mokgethwa o ne a re kabo ya ditsha tsa Extension 11 e simologile mme go supega fa bontsi jwa baikopedi ba setse ba abetswe lefatshe. O tlhalositse fa ba se kake ba abelwe ditsha gape kwa Extension 11 mme di ya go abelwa ba ba senang ditsha gotlhelele. Ka ditsha tse di seegetsweng fa thoko, o rile banni ba ka di dirisa ka nako e ba nang le ditiro di tshwana le manyalo, kana dintsho ka ditsha tsa bonno di le dinnye fela thata. Ka kgang ya go dutla ga dipompo, mogolwane wa metsi Mme Daphne Motsumi o boletse fa koporase ya gagwe e na le dinomore tsa megala tse di lelediwang mahala tse morafe o ka di dirisang go bolela fa dipompo di dutla. O ne a ba a bolelela dinnomore tsa go nna jalo. BOKHUTLO
health
6
Ba Nata ba le arametse
Banana ba Nata ba tlhoganya sentle puo e e reng phokoje yo o kwa morago dintsa di a bo di mmone. Ka jalo eme ka dinao go dirisa diatla tsa bone go tlola melatswana ya letlhoko la ditirole lehuma. Mongwe wa bana bao, Mme Oaitse Andrise, yo o dingwaga dimasome a mararo le bobedi o tlhalositse fa a akola maduo a kgwebo ya gagwe yago loga moriri le go kgabisa dinala. A re o simolotse kgwebo morago ga go lemoga goreo ka tloga a babalelwa ke tshokolo mme o ne a ikopela madi mo pusong mme aatlega. Mme Andrise a re tiro ya gagwe ya go dira batho moriri otswa kgakala a e dira e bile o eletsa go e godisa. A re go sa kgoneng gotsweledisa dithuto tsa gagwe ga go a mo nyemisa moko. O tlhalositse fa a ne a nna a tshwarelela ga nakwana modikgwebong tsa ba bangwe go fitlhelela a simolola ya gagwe. Mme yo a re le fa kgwebo e le boutsana ka dinako tse dingwe,lemmenyana le a le bonang le mo thusa go godisa kgwebo ya gagwe mme gape osetse a tsere kgato ya ntlha go godisa kgwebo ya gagwe ka go rekisa diaparo ledikobo. Fa a ntsha la gagwe, Rre Oteng Siwawa, yo le ene a nang lekgwebo ya gagwe ya go baakanya dikhomputara, a re o bona a le lesego go bo a Rre yo o dingwaga di masome a mabedi le boferabobedi yo otlholegang ko Tsamaya, a re o bone Nata jaaka lefelo la kgwebo ka le etelwa kebatho ba bantsi ba bojanala mme kgwebo ya gagwe e ka thusa thata le ka tsamaranyane a enthanete. A re go simolola kgwebo go ka tswa go na le dikgwetlho jaakatsamaiso e ntsi e e tsewang fa go simololwa kgwebo, kwelo tlase ya itsholelokgotsa ba gaisanya le bagwebi ba bangwe. Mme o ne a re o rotloetsa gore batho ba nne le maitlamo a godiragatsa le boitshoko, mme a re banana thata o ba rotloetsa go ikemela ka Go sa le foo, fa a ba kgwa kgaba, Mme Lingani Mbaiwa, yo eleng moroki a re tiro ya gagwe e a kgatlhisa, e bile Batswana ba mo eme noke A re o sa le a kgatlhegetse tiro ya boroki a sale kwasekoleng, a re gape o ne a kgatlhiwa ke mme mmaagwe a dira ka diatla tsa gagwe. Mme Mbaiwa a re tiro e supa isago e e ntle mme a re se a seithutileng kwa sekoleng e ne e le gone tota go roka ka a ne a rata se a se A re go bo a thusitswe ka madi ke puso go mo inotse motshokolong le go tlhoka tiro, mme a re le ntswa kgwebo e setse e dira sentle,go na le dikgwetlho tse a kopanang le tsone tse di fokotsang tsamaiso ya kgweboya gagwe.
economy_business_and_finance
3
Batsadi ba tshwanetse go nna podimatseba
Mogolwane go tswa kwa lekalaneng la CEDA Rre Andrew Madeswi o kopile batsadi go nna kelotlhoko mo go se bana ba bone ba se ithutang. A re ntswa go na le tsa maranyane tse gantsi baithuti ba di dirisang kwa malwapeng di tshwana le Internet tse di ba thusang mo dithutong, ga go a tshwanela go leselediwa fela. Rre Madeswi o ne a bua jalo kwa kabong ya dimpho ya sekole se segolwane sa Sefhare bosheng. A re mo dipakeng tsa gompieno ditsela tse moithuti a ka di dirisang go ithuta di dintsi. A re batsadi ba tshwanelwa ke go betla bana mme ba itse fa maitseo a ngwana a simolola kwa lwapeng. A re go dira sentle kwa sekoleng go tshwanetse go tsamaelane le maitseo a a siameng. O ne a rotloetsa baithuti ba sekole se segowane sa Sefhare go rata dithuto ka e le tsone di ba betlelang isago. A re thuto ke yone modi wa sengwe le sengwe. O ne a itsese batsadi ba ba neng ba tseneletse kabo ya dimpho fa lekalana la CEDA le tlhametswe Batswana gore ba adime madi mo go lone mme ba ipulele dikgwebo ba kgone go itshetsa ba bo ba direla Batswana ba bangwe ditiro. A re fa ba sekaseka dipalo, go supafala fa banni ba Sefhare/Ramokgonami ba sa akole dithuso tsa CEDA, ka jalo o ne a ba solofetsa fa ba tlaa bula ofisi e e mo kgalong ya Sefhare/Ramokgonami gore banni ba kope dithuso segautshwane. A re ga go motlhofo gore lekalana la CEDA le tle pitsong e tshwana le ya kabo ya dimpho mme ba ne ba sekaseka taletso ya sekole seo mme ba lemoga fa ba tlhoafetse mme ba ka rata go amanngwa le bone. O ne a abela sekole seo dibalamakgolo di le pedi. Mogokgo Bauni Phuthego a re sekole sa gagwe se ka tswa se le sennye mme se na le maikaelelo a a kgatlhisang. A re ba na le maikaelelo a go ntsha ngwana yo o tlaa gaisang ba bangwe lefatshe ka bophara mme a kgone go isiwa ke puso kwa sekoleng se se faphegileng. mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami Mme Dorcas Makgato o o ne a abela moithuti yo o gaisitseng ba bangwe sebalamakgolo. A re o ne a itlama gore o tlaa abela moithuti yo o dirileng sentle sebalamakgolo seo gore a kgone go tswelela a ithuta sentle. BOKHUTLO
education
4
Khansele e gakololwa go atolosa dithuso
Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Frans van der Westhuizen, o kgothaditse badiri ba khansele ya Bokone Bophirima go atolosa dithuso tse ba di neelang ba ba tlhokileng lesego. O buile se kwa Maun ka Mosupologo fa khansele e ne e abela lelwapa la ga Mme Diana Lemponye dikgetsi tsa samente. Mpho e, e tla morago ga gore boora Lemponye ba tlhokafalelwe ke motsadi morago ga gore ntlo e a neng a robetse mo go yone e jewe ke molelo. Rre van der Westhuizen a re khansele e ka ikopanya le ba ba ikemetseng le dikhamphani, go gokelela ba ba tlhokileng lesego motlakase, go na le go ba thusa ka matlo fela. O ne a gwetlha khansele ya Bokone Bophirima go tlhama letlole, go kokoanya madi a dithuso gore ba atolose dithuso tsa bone. Rre van der Westhuizen o lebogile khansele le batsaya karolo kwa phuthegong ya national planners seminar, e e tshwaretsweng kwa Maun go bo ba ikgolagantse le bagwebi go thusa ba malwapa a a tlhokileng lesego. A re ba dirile tiro e ntle e e tsweledisang tebelopele ya setshaba. Mokhanselara wa kgaolo ya Boseja-Kubung, Rre Vepaune Moreti o lebogile tona go tlhola loora-Lemponye. Rre Moreti a re thuso eo, ke phimola dikeledi mo go ba lelwapa morago ga go boloka motsadi wa bone. Dithuso di ne di akaretsa dikgetsi tsa semente di le masome mane go tswa kwa Jamal Trading, fa terata go thusa lelwapa le lengwe e ne e tswa kwa khamphaneng ya tsa kago ya Archain. BOKHUTLO
society
9
Go itekodisa go ka thusa go fema mathata
Lekawana lengwe la dingwaga tse di masome mabedi le boferabongwe la kgotla ya Borakanelo mo Tsabong le ikaleditse. Se se tlhomamisitswe ke mookamela mapodise a Tsabong Superintendent Howard Modo mo puisanong le ba lekalana la dikgang la BOPA bosheng. Superintendent Modo o ne a tlhalosa fa lekawana leo le le neng le bereka mo lebentleleng lengwe mo Tsabong morago ga ba masika go lemoga fa a sa ya tirong ba ya go kokota mo ntlung e a neng a robala mo go yone mo maphakeleng a letsatsi leo kgwedi eno e le lesome le boraro ga se ka ga nna le karabo epe ba okomela ka seokomela bagwe mme ka go tlhoka lesego ba mo fitlhelela a akgega mo ditlhomesong tsa ntlo eo. O supile fa e ne ya re morago ga tiragalo eo ba masika ba ya go begela mapodise ba ba neng ba mo ragosetsa kwa sepateleng kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse. Ditlhotlhomiso tsa mapodise di sa ntse di tsweletse mabapi le se se ka tswang se bakile tiragalo eo. Kwa bokhutlong Superintendent Modo o ne a gakolola setshaba bogolo jang banana go kopa dithuso le dikgakololo le go bua mathata a ba nang le one mo go ba ba lebaneng ba akaretsa ba bogosi, ba sepodise ba boipelego batsadi le ditsala tsa bone ka seo se ka thusa thata mo go hemeng ditiragalo di tshwana le tsa mofuta oo. E re dikgang di eme jalo mookamela mapodise a Tsabong o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mapodise a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go utswilweng engine e e lopileng madi a a kanang ka P21 000 kwa sedibeng sengwe mo Kisa se se gogelang metsi kwa morakeng wa Tshetlhwane. Rre Modo o kaile fa e ne ya re bosheng monna mongwe a phakelela kwa sedibeng seo go ya g dumisa engine a fitlhela maloba e le maabane e seo. Superintendent Modo o supile fa ba ise ba tshware ope mabapi le tiragalo eo fa ditlhotlhomiso tsa mapodise tsone di sa ntse di tsweletse.
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Ba Tshwaaane ga bana go thubelwa
Mopalamente wa Moshupa, Rre Mokgweetsi Masisi o tlhaloseditse banni ba kgotla ya Dibotong ba ba agileng kwa Tshwaane gore puso e tsere tshwetso ya gore ba seka ba thubelwa matlo a bone ke ba kabo ditsha jaaka gone go tlhalositswe pele. Mopalamente Masisi yo o ebileng gape ele tona wa Ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso o tlhalositse jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa kgotleng ya Dibotong mo Moshupa ka mosupologo. O boletse gore morago ga selelo sa bontsi jwa mafelo mo Botswana aa neng a kaiwa ele a bo maipayafela a tshwanetse go thubiwa mme khuduthamaga ya matona a puso ya kopanya ditlhogo go tlhotlhomisa go tsenela kwa teng, mme tshwetso ya nna gore baba siameng batla abelwa ditsha sentle fela ba sa thubelwa. Tona Masisi o boletse fa mo kgaolong ya gagwe metsana ee seng kafa molaong jaaka Goo Kodisa, Tshwaane, Diboto le Bikwe di sena go thubiwa mme ba ba seng kafa molaong batla hudusiwa morago ga dipuisano. Tona Masisi o boletse fa dikgaolo tseo tsotlhe a di itse le gore ke metse se masimo ebile ba na le lobaka ba ntse ba lema foo thata, mme a bolela fa khuduthamaga ya matona a puso a bone gole botlhokwa go bua kgang eo kwa ntle ga kgotla tshekelo. Rre Masisi o kgadile batho bangwe baba tsamayang ba tshosetsa banni ba metsana eo gore puso e setlhogo e tsile go ba thubela go sena lobaka lepe mo masimong a bone a bogologolo. Banni bane ba amogela tshwetso ya puso ka megolokwane le monyenyo o mo tona, ba bolela fa ba ntsi ba ne ba nna ka tlhobaelo e tona. Ba boletse fa ba tla wela dibete fa ba letlelelwa go aga semmuso ko maropeng a bone. Bokhutlo
politics
7
Batswana ba kopiwa go tsena diphuthego
Batswana ba kopilwe go tsena diphuthego tsa kgotla ka jaana go le botlhokwa go rerisana ka dikgang tse di amang motse le go utlwa ka mananeo a puso. Kgosi ya Mokatse kwa kgaolong ya Kgatleng, Rre Mmileng o boletse fa a tshwenngwa ke gore Batswana ba ntse moriti o tsididi fa go tla mo go tseneng diphuthego tsa kgotla mme a supa fa seo se sa siama gotlhelele. A re Motswana o rile lefoko la kgosi le agelwa mosako e bile pilediwa e a lwela, se se supa fa go le botlhokwa gore botlhe ba tle phuthegong go sa kgathalesege gore e biditswe ke mang ka molaetsa o tla sologela setshaba molemo. Kgosi Mmileng a re banni ba motse wa gagwe ba maoto a tshupa go tla diphuthegong mme a tlhalositse fa a lemogile gore selo se ke bolwetse jo bo wetseng Botswana ka kakaretso. O supile fa a leka ka bojotlhe go supetsa morafe wa gagwe botlhokwa jwa go tsena diphuthego mme a re o lemogile fa bogolo jang borre ba sa tle diphuthegong ka makatla-namane. O tsweletse a re o swabile nko go feta molomo fa a sena go utlwa gore bangwe ba re ga ba kake ba tsena diphuthego ka jaana badirela puso ba ba buang le bone ba a bo ba dira madi fa bone ba sa boelwe ke sepe. A re ga a tlhaloganye gore ke eng batho ba bua jalo ka jaana badirela puso ba thapilwe gore ba ba direle le gone go buisana le bone ka tse di amang tsamaiso ya puso le ditshwanelo tsa bone e le Batswana. A re sebe sa phiri ke gore bontsi ja batho ba ba buang jalo ga ba kgathale ka matshelo a bone e bile ga ba rekegele bokamoso jwa bone ka jaana ba tlhola fela mo bojalweng ba sa dire tiro epe. O supile gape fa gona le batho bangwe ba ba rekisang bojalwa ka dinako tse di sa letlelelweng e bile bangwe ba bo rekisa ka go tsenya batho mo ntlong mme go nowe go iphitlhilwe. A re selo seo ke go tlola molao ka go dirilwe molao wa thekiso ya bojalwa, jalo a kopa ba ba dirang jalo go obamela molao le dinako tsa bojalwa. O tsweletse a kopa barekisi ba bojalwa go rekegela matshelo a ba ba rekang e seng go kgatlhegela go dira dipoelo fela ka matshelo a batho a felela a senyega. O kgothaditse banni ba motse oo go emela matshelo a bone ka dinao le gone go bontsha bana tsela gore ba kgone go busa lefatshe ka kitso le tsamaiso e e nitameng mo isagong. A re le fa go ntse jalo, motse wa gagwe o na le kagiso le thokgamo le ntswa go seke go tlhoka maidi mme fela dilo di tsamaya sentle. A re le bone banana ba a iteka le fa gone ba sa ntse ba saletse kwa morago mo dilong di le dintsi mme o dumela gore mo tsamaong ya nako dilo di tla siama. Kgosi o rotloeditse botlhe go emela dikgang tsa motse wa bone ka dinao le go dira mmogo gore ditlhabololo di seka tsa ba tlola le tsotlhe tse puso e eletsang go di dira di tsamaye ka thelelo. BOKHUTLO
society
9
Ditiro tsa diatla bokamoso
Monana mongwe kwa Makaleng, yo o itshetsang ka go dira dilwana tsa ntlo tse di akaretsang ditafole le mabeelo a diaparo, o rotloeditse banana go inaakanya le dikolo tsa ithutelo ditiro tsa diatla. A re seno ke ka gore kamoso ba bo ba kgona go itshetsa ka go itirela ka diatla tsa bone go na le go sokola ba tshelela mo lehumeng ka ntlha ya letlhoko la ditiro. Mo potsolotsong bosheng, Rre Milikani Hloma wa madirelo a Bakahloma Shopfitters and Furniture Making, o tlhalositse fa go itirela ka diatla go busetsa. A re banana ba gompieno ba boitseme go itirela, gammogo le gone go ya dikoleng, segolo jang bone ba ba sa atlegang kwa dithutong tse dikgolwane tsa mophato wa boraro le wa botlhano. Mme Hloma a re bontsi jwa bone ba gobeya mo mebileng fa bangwe ba ineeletse go bereka ditiro tsa dikatso tse di kwa tlase le ntswa puso e thapolotse letsogo gore ba kgone go ipetlela isago e e eletsegang. Rre Hloma o tsweletse ka gore ene kgwebo ya gagwe e a e simolotseng ka ngwaga wa 2004, e mo direla bontle fela thata ka a kgona go bona madi a a kanang ka dikete tse di lesome le borataro tsa dipula ka kgwedi, ka dithuto fela tse a tswang go di anywa kwa sekolong sa ithutelo tiro ya diatla kwa Nswazwi. A re banana ba tshwanetse go ithutela tiro e ba tlaa tsogang ba e nwa moro go na le go sokola ba sa bone ditiro tse le tsone di tsentseng barutegi fa le fa. Gape a re banana ba tshwanetse go nna tlhaga go emela matshelo a bone ka dinao e seng gore puso e nne e ba akanyetsa ka dinako tsotlhe. O tsweletse ka gore puso e tlhamile lenaneo la banana go ba ema nokeng go nosetsa dikgwebo tsa bone. A re o ne a thusiwa ka madi a a kanang ka dikete tse di masome a matlhano a dipula ka ngwaga wa 2007, ka a ne a batla go oketsa madirelo a gagwe morago ga go bona kgwebo e ntsha maduo. Rre Hloma a re pele ga dithuso tseo o simolotse kgwebo ya gagwe ka madi a a tswang mo kgwatlheng ya gagwe le gone a ne a e direla ka fa tlase ga setlhare mo thoko ga tsela. E rile a latedisa botshelo jwa gagwe, Rre Hloma o tlhalositse fa a berekile kwa madirelong mangwe a a dirang dithoto tsa mo ntlong kwa Gaborone dingwaga tse tharo. A re tiro eo e ne ya mo fa lesedi la go betla le go dira dithoto tsa ntlo, ya bo ya mo thusa go oketsa botsipa jo a neng a bo anywile kwa sekoleng. Ntle le go dira dithoto tsa ntlo, Bakahloma e baakanya gape le tse di senyegileng segolo jang ditilo mme o kaile fa e le nngwe ya dikgwebo tse di bogadi bo gaufi. A re o eletsa go oketsa madirelo a gagwe mo ngwageng o o tlang ka go dira lebentlele la marekisetso kwa setsheng sa gagwe se se kwa Masunga. O tsweletse ka gore mo dingwageng tse pedi tse di tlang, o ikaelela go anamisetsa kgwebo ya gagwe kwa mafelong a a farologanyeng ka go ya go rekisa dithoto tsa gagwe teng.
economy_business_and_finance
3
Ba WUC ba tsweletse ka mowa wa kutlwelobotlhoko
E re le ntswa koporase ya metsi ya Water Utilities (WUC) e tshwaragane le namane e tona ya tiro ya go siela setshaba metsi, fela go a itumedisa go bo e santse e ngaparetse mowa wa yone wa go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Koporasi eo, e rurifaditse seo kgwedi eno e le lesome le boferabongwe jaaka ba lekalana la Masunga ba ne ba abela Mme Gaolathe Mokgacha, wa mo-na-le bogole, wa Vukwi mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, ntlo ya dikamore tse pedi, e gokeletswe motlakase le metsi ga mmogo le didirisiwa tse dingwe tsa mo ntlong, tse di lopileng P104 000. Fa a rolela Mme Mokgacha dimpho tseo, mogolwane wa kompone, a lebagane le ditirelo tsa lekalana leo, a direla kwa Gaborone, Rre Matthew Sebina o ne a re go botlhokwa gore makalana le batho ka bongwe ka bongwe e re ba lemoga botlhoki golo gongwe ba tsiboge go thusa. A re e le ba WUC, ba ititeile dihuba go tswelela ka go tsenya letsogo mo go fetoleng seemo le go dira pharologanyo mo matshelong a setshaba se ba direlang mo go sone, a bolela fa e se lekgetho la ntlha koporase eo e dira tiro ya go nna jalo. Rre Sebina a supile fa ntlo eo, e neng e abelwa Mme Mokgacha e le ya boferabobedi go abiwa ke WUC lefatshe leno ka bophara, mme e le ya bobedi mo kgaolong ya Bokone Botlhaba. O ne a galaletsa badiri ba WUC, a re le fa ba tshwere phage ka mangana go leka go siela batho metsi, ka fa letlhakoreng le lengwe ga ba ke ba tlhoka go diragatsa maitlamo a bone a go abela setshaba sengwe. Ka jalo mogolwane o ne a ba gwetlha gore ba seka ba lapa pelo ka gope, mme ba tswelele le mosepele wa bone go ya go ileng. Fa a lebisa mafoko kwa go Mme Mokgacha, yo o dingwaga tse di masome a mararo le bobedi, e bile a na le bana ba le bararo, Rre Sebina o ne a mo tlhaba podi matseba go ikela tlhoko mo bangweng ba ba ka tlang ka maikaelelo a go mo tsietsa, ba leka go mo amoga ntlo eo. A re a itse fa mpho eo, e le boswa jwa bana jo a tshwanelwang ke go bo tlhokomela, a tlatsa ka go re Mme Mokgacha o tshwanetse a nna le dikakanyo dingwe tsa go leka go tlhabolola fa a bonang go tlhokafala teng. Go sale foo, Rre Sebina o ne a gwetlha setshaba go netefatsa gore ba somarela metsi ka dinako tsotlhe, ba itse fa e le one botshelo jwa motho. Mo tekodisong ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya WUC e e itebagantseng le matshelo a batho mo Masunga, Rre Percy Aabobe o ne a supa boitumelo, a re e sale komiti ya gagwe e tsena mo ofising ba kgonne go diragatsa ditiro tsotlhe tse ba neng ba di akantse. O ne a bolela fa bonnyennyane jo bo abelwang makalana a WUC go tswa kwa ofising kgolo go diragatsa ditiro tsa bopelotlhomogi, komiti e tshwanelwa ke go dira gotlhe go leka go bo oketsa gore e kgone maitlamo a yone. Rre Aabobe a re ka jalo o itumelela go bo komiti ya gagwe e kgona seo ka ntlha ya tshwaragano le go dira ba eteleditse kwa pele mowa wa boithaopo. Fa a amogela dimpho tseo, Mme Mokgacha o ne a supa fa a itumeletse tiro e ntle e a e diretsweng ke ba WUC, a tshepisa fa a tlaa tlhokomela ntlo eo go feta selekanyo. Bangwe ba ba neng ba le teng kwa tholong eo ke kgosi ya Vukwi, Kgosi Kedibonye Mabutho, Mothusa molaodi wa kgaolo Rre Gotewang Senwedi le mokhanselara wa Masunga Rre Edward Gazageni, ba ba neng ba rolela hutshe tiro e ba WUC ba tsweletseng ka go e dira.
society
9
Kgosi wa Mogome o tlhokafetse
Mapodise a Palapye a tlhotlhomisa tiragalo emo go yone Kgosi Daniel Mosarwe wa Mogome mo kgaolong ya Legare a neng a tlhokafala morago ga go thulwa ke koloi kwa Radisele. A re moswi o diragaletswe ke kotsi eo gaufi le madirelo a Tshephang fa ane atswa go reka leokwane la koloi kwa Palapye ka nako ya bosupa mo maitseboeng. Kgosi Olebile o boletse gore Rre Mosarwe yo tlholegang kwa Mmadinare, o tlhomilwe kgosi ya Mogome ka ngwaga wa 2007 morago ga leso la ga Rre Modisaemang Keatimolwe. Kgosi Mosarwe yo tlogelang mohumagadi le bana, o tsene mo bogosing morago ga go tlogela tiro ka bogodi mo lephateng la temo-thuo le a berekileng mo go lone ka lobaka le le leele. Kgosi Olebile yo a neng a etetse ba lelwapa la ga Rre Mosarwe kwa Radisele le banni ba Mogome kwa Rre Mosarwe a neng a berekela teng ele kgosi, o tlhalositse fa morafe o dumelane go tshwara merapelo kwa kgotleng ya Mogome kgwedi eno ele lesome go laela Rre Mosarwe yo tla bolokelwang kwa Radisele kgwedi eno ele lesome le bobedi.
crime_law_and_justice
1
Sekole sa Maun se agile ntlo
Mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Rre Moiseraele Goya, o ikuetse mo Batswaneng gore ba tswelele ka go neela ba bangwe seriti ka go ba neela tse ba di tlhokang gore le bone ba ikutlwe e le bontlha bongwe jwa setshaba. Mothusa tona o buile jalo fa a ne a bula semmuso ntlo ya di kamore tse tlhano kwa kgotleng ya Boseja kwa Maun, e e agilweng ke bana le barutabana gammogo le badiri ba bangwe ba sekole se segolwane sa Maun. A re go tsaya motho o mmaya kwa pele ga matshelo a gago ke selo se se botlhokwa thata mo botshelong jwa motho, a tswelela ka gore go thusa motho ke selo se se paletseng ba le bantsi. Rre Goya, yo gape e leng mopalamente wa Palapye, a re o tshwantshanya badiri bao le mafoko a buka e e boitshepo Baebele a a reng ‘ke ne ke tshwerwe ke tlala mme wa nnaya dijo, ke ne ke tshwerwe ke lenyora wa nnaya metsi, ke ne ke sa ikatega mme wa nnaya diaparo.’ Gape o ne a tlhalosa fa tota malebogo a gagwe a sa lekana, mme a re modimo ke ene a tlaa ba lebogang, a re go thusa motlhoki, mo-na-le-bogole kana motlholagadi ke bontlha bongwe jwa go direla Modimo. O ba rotloeditse go tswelela ka mowa o montle oo fa ba batla go bona ba gorogile sentle kwa ngwageng o o tlang wa 2016 le gone ba dire go le gontsi gore maduo a bone a bonale gongwe le gongwe. Rre Goya o tsweletse a re mokwadi mongwe wa maina a Maslow o kile a re go botlhokwa gore motho mo botshelong a nne le fa a tsenyang tlhogo teng, a ba a galaletsa le bone botsadi jwa lekawana le le neng le neelwa ntlo go bo ba sa tlhabiwa ke ditlhong go ya go itsese boeteledipele jwa sekole seo ka mathata a a ba diragalelang. A re go le gantsi bangwe ga ba bone dithuso ka ba tlhajwa ke ditlhong kana ba re batho ba tlaa reng, a tswelela ka gore go dira jalo ga gona maduo a motho a ka a robang. Fa a ntsha la gagwe, mogokgo wa sekole seo, Mme Selebatso Modiseemang a re e ne ya re ngwaga ono ka kgwedi ya Tlhakole e le lesome le motso, ba bona botsadi jwa lekawana le le dirang mophato wa botlhano ebong Kabo Seloka kwa sekoleng go ba itsise fa ntlo e Kabo le bomonnawe ba nnang mo go yone e jelwe ke molelo. A re ba ne ba ikopanya mme ba reka diaparo mme morago ka e le ba sekole sa badumedi, ba gopola fa go sa lekana. Mme morago ba ne ba tswa ka mogopolo wa go ba agela yone ntlo eo, mme o tlhalositse fa ba ne ba simolola go kopa dithuso mo dikomponeng dingwe tse di neng tsa reetsa selelo sa bone.O tsweletse a re ba ne ba dirisa babereki ba sekole seo go aga ntlo eo go fitlhelela e felela ba bo ba tsenya motlakase le metsi mo teng. O ne a tswelela a gakolola botsadi jo bongwe gore e se ka ya re fa ba na le mathata ba bo ba a ipeela ba sa kope dithuso, mme o tsweletse a solofela fa ba tlaa tswelela ba tlhokomela ntlo eo fela thata.
society
9
Puso o lekola morafe
Kgosikgolo ya Batlokwa, Kgosi Puso, a re o ipeetse seelo sa go tshwara diphuthego mo dikgotlaneng di le nne ngwaga le ngwaga, go lekodisa morafe wa gagwe ka seemo sa ditlhabololo, le go gakololana ka tse di ka dirwang. Kgosi o buile se, fa a ne a lekola morafe wa gagwe mo kgotleng ya Thethe kwa Tlokweng, ka Matlhatso, Mopitlo a tlhola malatsi a robabobedi. O supile gore fa dikgang di le teng mo bathong, ba ka di kgona fela ka go di tshwaraganela, ba di rarabolola. A re ba tlhomile lekgotla la Batlokwa Development Trust gore le ba tlhokomelele dithoto tse di akaretsang lebala la metshameko, tshilo, didiba le tse dingwe, tse ba dumelang gore fa ba ka di dirisa sentle, di ka ba tsisetsa letseno le le tla a felelang le fetola matshelo a bone. Kgosi Puso o boletse fa ba dirile sengwe le sengwe se se tlhokafang gore ba boelwe ke lebala la morafe, le le neng le kwadisitswe ka fa tlase ga khansele. O tlhalositse fa didiba tse di sa berekeng ba tlaa di tlhabolola gore ba rekisetse ba ba batlang go dirisa metsi a tsone. Kgosikgolo o boletse gape fa letsatsi la ngwao la Batlokwa, le tlaa tshwarwa kgwedi ya Phatwe e le lesome le borataro, a bo a supa fa a tla a direla bagodi botlhe ba ba Batlokwa dijo tsa motshegare ka kgwedi ya Lwetse, mme ba tshware gape kgaisano ya ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa Tlokweng ka yone kgwedi eo. Kgosi Puso o boletse fa keletso ya gagwe e le go bona Batlokwa ba na le setlhopha se le sengwe sa kgwele ya dinao, se se tshamekang mo liking e tona. Mo go tse dingwe, o kaile fa a tshwenngwa ke leruo le le senyetsang balemi temo, a supa fa puso e dirisa madimadi go lemela Batswana gore ba kgone go itirela dijo. A re matshwenyego a mangwe a matona ke a go rekisiwa ga masimo le go fetolela ditsha tsa bonno mo maineng a sele, a supa fa Batlokwa ba ba dirang jaana, e le bone gape ba ba oketsang palo ya ba ba iseng ba ke ba fiwe lefatshe. Kgosi o supile gape fa ba tshwenngwa ke dikereke tse di tsenelang mo malwapeng, a bo a bolela fa ba tla a tsaya dikgato tsa semolao go busetsa seemo mo taolong. O boletse fa dingwe tsa dikereke tseo, di tshuba dikerese mo nageng di bo di tlogela di tuka, bangwe ba kwala difapaano mo ditseleng fa bangwe bone ba tlogela diaparo tsa ka kwa teng mo nageng. E rile a latlhela la gagwe, mokhanselara wa kgaolo ya Tlokweng South West, Mme Norah Nkwe, a bolela fa a tshwenngwa ke seemo sa kokelo ya bone, a tlhalosa fa e na le ngaka e le nngwe fela mme ebile a imelwa ke tiro ka a patelesega go bona balwetse ba feta makgolo a mabedi ka letsatsi; mme ka tshwanelo ngaka e tshwanetse go bona balwetse ba ba sa feteng lekgolo. Mme Nkwe a re seemo se, se dira gore seemo sa ditirelo tsa botsogo se ye kwa tlase, a bo a supa fa ka dinako tse dingwe ba tlhoka koloi ya go isa balwetse kwa sepateleng sa Princess Marina. Fela jaaka kgosi, mme Nkwe o supile fa a tshwaenngwa ke seemo se ba khansele ya toropo ba bolelang fa ba tla a gapela barui leruo le le tsenang mo toropong le go ba lefisa P5000.00, a supa fa go tshwanetse ga dirwa morero o o lolameng le morafe. BOKHUTLO
politics
7
Ba Tshokwe le Tobane ba lela ka bogodu jwa leruo
Banni ba Tobane le Tshokwe mo kgaolong ya Mmadinare ba lela ka bogodu jwa leruo jo bo tsereng phekelo e sele. Se se builwe ke Kgosi Nametsegang Motlhasedi kwa Kgotleng ya Tobane beke e e fitileng fa a ne a amogela mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila. A re motse wa Tobane o gola ka bofefo mme ga o gola jaana borukhutlhi le bone bo a oketsega mme se se serotloediwa ke bo maipaafela. Kgosi Motlhasedi o tlhalositse fa Tobane a tlhoka bodiredi jwa sepodise bo bo lekaneng, a re le ha go ntse jalo bogodu jwa go thuba matlo le bone bo ile magoletsa a re badirelapuso ke bone ba ba kokonelwang ke go thubelwa matlo le go tshosediwa matshelo. Mo go tsedingwe Kgosi o ledile ka tiego ya go lemela batho a re dipolantere di a tlhaela a tlhalosa gore bangwe ba ba lemi ba sala ba lemolotse ka kgwedi ya Sedimontlhole ngwaga o o fitileng mme le jaana ba ise ba jale. E ntse e le kwaTobane banni ba supa matshwenyego ka tiriso ya noka ya Motloutse ba re ga e dirisiwe sentle ba re leruo la bone le felela mo go yone mme se se dirwa ke bana ba motes ba kopane le baagisane. Banni ba tlhalositse fa bana ba motes waTobane e le bone ba gakatsang bogodu ka go tsaa borre ba letso la Zimbabwe go badira banna ka jalo se dire gore bogodu botsee phekelo e sele. Banni gape ba tshwenyegile ka diteraka tse di tsayang motlhaba mo nokeng ya Motloutse ba re se se dira gore motlhaba o o neng o ka tshwara metsi o fele mme metsi a bo a tlhoka se a ka se tshwarang. Ba tlhalositse gore matshelo a bone a mo nokeng ya motloutse ka leruo la bone le nwa metsimo go yone. Kwa phuthegong ya kgotla kwa Tshokwe, banni ba supile matshwenyego ka tshenyo ya ditlou le gore banna fela ba kokobetse ka di kanna tsa ba tsenelela le momalwapeng. Mo go tse dingwe ba re bogodu ja ditonki jo bo dirwang ke baagisane go tswa kwa lefatsheng la Zimbabwe ga bo babontshe boroko, se se rurufaditswe ke Superitendent Detective Assistant Makgotla Leeme wa sepodise sa Botshabelo mo Selebi Phikwe. Detective Leeme o tlhalositse fa ba ne ba tshwara Rre mongwe wa letso la Zimbabwe ka ditonki di le pedi mme e rile bantse ba tlhotlhomisa ba ne ba fitlhela ditonki di le masome a mabedi ka kwa lefatsheng la Zimbabwe mme e le tse di tswang mo lefatsheng la Botswana.A tlhalosa fa basantse ba le mo ditlhotlhomisong mme morago ditonki tseo di ta buse tswa beng ba tsone. Banni baTshokwe le Tobane ba ledile ka molapo wa Molabe o o kgaoganyang metse e mebedi eo,ba re fa dipula di nele ga go tsamaege bogolojang ka banni ba Tshokwe batsaa ditlamelo kwa motseng waTobane. Ba kopa gore o tsenngwe borogo, gape ba ne ba kopa mopalamente wa bone gore tsela nne e gopiwa. Erile a ba kgwa dikgaba, mopalamente Rre Mzwinla a tlhalosa gore keletso ya gagwe ke gore molapowa Molabe o tsenngwe mo lenaneong la dithabololo le lelatelang la NDP11, a tlhalosa gore o tlhaloganya thata ka molapo wa Molabe ka o ne a bua ka one kwa palamenteng. Mo go tse dingwe o ne a tlhalosetsa banni ka molao kakanyetso o o amang kwadiso ya dikereke,a re kakanyo ke gore fa go kwadiswa dikereke baeteledipele ba tsone ba tshwanetse gore e bo e le Batswana se,setlamorago ga go lemoga fa bontsi ba dikereke tse di mo Botswana baeteledi pele ba tsone e le ba mafatshe a sele mme e re ba tla kakwano babo batla ka ditsamaiso le setho sa mafatshe a bone mme di sa dumalane le tsa Botswana. Mopalamente o tlhalositse fa molao kakanyetso e le gore kereke e nne le lekgotla le le tla tsamaisang dikereke le le tlhomilweng ke puso le na le dithata tsa go ka kgalema,go emisa le go tseela dikgatho dikereke tse di sa saleng tsamaiso morago. Mo go tse dingwe o ne a tlhalosetsa banni fa e tlare ka kgwedi ya Mopitlo lekgetho la (VAT) le bo le ntshitswe mo dijong tse di akaretsang mashi,boupi jwa borotho le tse dingwe.
crime_law_and_justice
1
Bakanoki ba batlisisa ka sethunya
lick to see more pictures Morago ga go bala polelo ka sethunya sa mmadihôlo mo pampiring ya Dikgang ya DailyNews, bakanoki ba tsa temo thuo ba ne ba tsibogela go dira dipatlisiso ka sethunya seo se barui ba bolelang fa sena le dikotla mo leruong. Fa a bua mo potsolotsong ka Matlhatso, Mogolwane wa dipatlisiso tsa temo thuo mo Kgalagadi Rre Bornwell Mabechu o tlhalositse fa a badile ka botlhokwa jwa sethunya seo mo motsweding wa dikgang wa DailyNews mme a bona go tshwanela go tsibogela go dira ditshekatsheko ka sethunya se. O buile jalo fa ba BOPA ba ne ba ile go supegetsa ba temo thuo sethunya seo ko morakeng wa Kuwe gaufi le Tsabong. Rre Mabechu a re se se ba ngokileng go dira dipatlisiso ka sethunya sa mmadiholo ke gore dipudi tse di fulang setlhatshana seo di gola ka pela mme ebile di nna le mashi a mantsi mo go rayang gore le dipotsane tsa tsone di a nonofa. Gape a re ba kgatlhilwe ke gore mashi a dipudi a nna le tatso. A re ka ba ne ba ise ba nne le kitso ka setlhare seo ba ne ba kgatlhegela go kopa mokwadi wa BOPA wa polelo eo go ba isa ko setlhatshaneng seo gore ba simolole dipatlisiso. A re go botlhokwa gore ba tlhaloganye setlhare seo gore ke sa mofuta mang mme ebile se lebega jang gore ba se tseye ba dire dipatlisiso go bona gore se ka solegela lefatshe leno molemo jang. Rre Mabechu a re setlhatshana seo se a makatsa ka gore ka paka ya mariga ditlhatshana tse dingwe di a sha mme sone se nna se le setala ka jalo go botlhokwa gore se elwe tlhoko. O tlhalositse gore mo nakong ya gompieno ba tsa temo thuo ga ba na kitso e e kalo ka setlhatshana seo mme ba tlaa golagana le baitseanape botlhe ba ba maleba jaaka ba tsa phulo, dijo tsa leruo le bomaitseanape ba tsa boranyane ba masimo (Range and Pasture, Animal Nutrition, and Agronomy) go bona gore ba ka berekisanya jang go ya pele ka setlhatshana se barui ba kgaolo ya Kgalagadi ba se tlotlomatsang thata. A re fa a se lebile ka matlho o belaela setlhatshana seo se wela ka fa tlase ga mofuta wa ditlhatshana wa Alster species mme ba tlaa leka go rurifatsa gore sone ke sefe mo go tsone. A re ditlhatshana tsa mofuta o gantsi di farologana ka mmala wa sethunya ka tse dingwe di le mmala wa loapi fat se dingwe di le botala jo bo gateletseng (purple). O tsweletse ka go tlhalosa gore bakanoki ba tsa temo thuo ba amogela go batlisisa tsotlhe tse di molemo tse di amang temo thuo ka gore matlotlo a dikitso tsa bagologolo (Indigenous Knowledge) a botlhokwa ka e le matlhagolela tsela a dipatlisiso. A re dikitso tsa barui ka sethunya sa mmadiholo di supa fa ba di amule mo bagologolong ka jalo go le mosola thata gore ba dire dipatlisiso go bona gore sethunya se se na le dikotla dife le gone go bona gore se ka ntsifadiwa jang. Mogolwane wa dipatlisiso tsa temo thuo mo Kgalagadi o o tsweletse ka go tlhalosa gore letsholo le a simologa gore ba rwale ditlhako ba sekaseke setlhatshana seo. A re gape dipatlisiso tseo di tlaa thusa gore barui ba ka dirisa sethunya seo jang ka nako ya leuba a tlhalosa jalo gore balemi barui ba na le dikitso ka dimela tse di ka dirisiwang go lepalepana le seemo sa leuba ka jalo go botlhokwa go batlisisa le go somarela dikitso tseo. Ka jalo lephata la temo thuo le tlaa batlisisa gore setlhatshana seo se ka somarelwa jang go itsa gore se nyelele mme ebile ba tlaa tsaya peo ya teng go bona gore se ka ntsifadiwa jang. A re kgaolo ya Kgalagadi e tshabelelwa ke leuba segolo bogolo ka e le mo sekakeng. A re gore lefatshe le fitlhelele maikaelelo a ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a go nna tlhabologo ya maemo a ntlha ya 4th Industrial Revolution go botlhokwa go tsibogela dipatlisiso le gone go somarela matlotlo a ditsa tlholego (Indigenous species ) ka di tswa goo lowe di thusa. A re setshedi sengwe le sengwe se na le karolo e se e tshamekang go tshegetsa botshelo mo tlholegong. A re mo dinakong tsa segompieno tsa go thuthafala ga loapi go botlhokwa go somarela ditsa tlholego gore loapi le nne jaaka mmopi a le bopile le go bababalela matshelo ka jalo go botlhokwa gore dipatlisiso di dirwe gore ditlhare di somarelwe gore di seka tsa nyelela. Kwa bokhutlong moitseanape yoo, o lebogetse motswedi wa dikgang wa BOPA go kwala ka setlhare seo, selo se a reng se ba tlhabile podi matseba ka jalo ba tlaa tsaya setlhare seo le matute a sone ba romela ko Sebele go bona gore sena le dikotla dife.
society
9
Batsadi tshoso e rweleng
Mothusa mogokgo wa sekolo se segolwane sa Linchwe II, Mme Oteng Phatshwane o kopile batsadi go nna ba iponatsa mo sekolong go lekola gore bana ba dira jang mo dithutong tsa bone. Mme Phatshwane o buile seo kwa phuthegong ya batsadi, barutabana le bana ba ba dirang mophato wa boraro gone kwa sekolong seo bosheng. Mothusa mogokgo a re moono wa phuthego eo ke go tla go bona gore ba rotloetsa jang bana ba mophato oo ba a tlhalositseng fa ba saletswe ke dikgwedi di le tharo gore ba kwale ditlhatlhobo tsa bone tsa makgaolakgang. O tsweletse a re gore ngwana a dire sentle mo dithutong tsa gagwe o tlhokana le kemo nokeng ya batsadi le barutabana mme o ne a kopa batsadi go tshwaraganela tiro ya bana le barutabana. O ne a gape a supa fa batsadi ba letlelelwa go tla sekolong go tla go bona gore ngwana o dira jang a tlhalosa fa kgwedi le kgwedi bana ba kwala ditlhatlhobo mme a tlhalosa fa batsadi ba gololesegile go tla go bona maduo ao. Mo go tse dingwe o ne a supa fa sekolo sa bone se ntse se dira sentle fela thata mo ditlhatlhobong dingwaga tse tharo tse di fetileng a tlatsa ka gore se ntse se tsaya maduo a ntlha mo dikoleng tsotlhe tse di mo kgaolong ya Kgatleng. Fa a tswa la gagwe mongwe wa barutabana ba sekolo seo yo o rutang dithuto tsa bokaedi le bogakolodi Mme Salo Masisi-Moshapa o ne a kopa batsadi go nna ditsala le bana ba bone. A re metlha ga se ya maloba e mo go yone motsadi a ne a sa bue le ngwana dikgang dingwe le dingwe a supa fa bana ka bontsi ba tlogela sekolo ka ntlha ya boimana e le kgang ya go tlhoka go bua le bana. Mme Masisi- Moshapa o ne gape a tlhalosa fa bana ba tlhokana le go fiwa lorato nako tsotlhe gore le bone ba lemoge gore ba na le boleng selo se a tlhalositseng fa bontsi jwa batsadi ba sa se tsee tsia. O tsweletse a re bana ga ba a abelwa ka go tshwana mo dithutong a supa fa go na le bana ba ba sa kgoneng mo go tsa thuto mme ba na le bokgoni mo metshamekong mme o ne a kopa batsadi go rotloetsa bana ba go nna jalo go na le go ba kgoba ka mafoko fa ba sa dira sentle mo dithutong . O ne gape a kopa batsadi go nna ba ba lekodisa ka botsogo jwa bana a tlhalosa fa go le gantsi batsadi ba tlisa bana mo sekolong mme ba sa lekodise barutabana fa ngwana a tshwenngwa ke bolwetsi bongwe. Fa ba akgela batsadi ba ne ba leboga barutabana ka phuthego eo ba supa fa ba tla tshwaraganela tiro ya bana le bogogi jwa sekolo seo. Le fa go ntse jalo ba ne ba supa matshwenyego ka bokopano jwa barutabana jo ba supileng fa bo tsaya nako e telele ba tlhalosa fa mo nakong eo bana ba a bo ba sena yo o ba rutang. E rile a latlhela la gagwe modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana Rre Alfred Koitsiwe o ne a bua a sa kgwe mathe ka batsdai bangwe ba a kaileng fa ba rekisetsa bana ba dikolo ditagi mme o ne a kopa bao ba ba dirang jalo go emisa mokgwa oo. Mo go tse dingwe o ne a supa fa bana bangwe ba sekolo seo ba inaakantse le go dira mokgwa o o maswe wa go reka senotsididi tsa Twizza sa motswako wa ginger ba bo ba se tlhakanya le dipilisi tsa grandpa go e tagisa. Modulasetilo o tlhalositse fa bana bao ba tlhokana le go kgalemelelwa tiro e a kaileng fa e ka ba senyetsang bokamoso. O ne gape a kopa batsadi go emisa mokgwa wa go rekela bana dilwana tse diturang tse di akaretsang megala ya letheka a tlhalosa fa seo e le sone se se tlisang botlhoka tsebe jwa bana. Bokhutlo
education
4
SELEBO e itlama go thusa ba-na–le-bogole
Ba kgaolwana ya SELEBO mo Selebi Phikwe ba ne ba abela dikole tsa Joseph Anderson, St Peters go tswa Mmadinare le sa Lepokole dimpho di akaretsa didirisiwa tsa go roka,go tlhapa le tsa thuto. Go ya ka Mme Evelyn Thomas, ba ne ba bona go le botlhokwa go abela dikolo tseo ka di na le bana ba ba nang le bogole ka go supafetse ba tlhoka didirisiwa tse di ka ba kgontshang gore ba kgone go ithuta sentle. Mme Thomas a re ba aba jaana ba lebile matshego mangwe a tebelopele jaaka la tshaba e e rutegileng, tshaba e e bopaganeng e bile e le kutlwelobotlhoko. Mme Thomas o tlhalositse fa go ne go se motlhofo go bo ba fitlhile fa ba leng teng, a re dimpho tse ba di abelang bana di ka tswa di le dinnye ka tebo ya matlho mme tiro ya tsone e le kwa godimo. O tsweletse a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go abela dikole tsotlhe tse di mo kgaolong ya SELEBO mme ba itebagantse le go aga bana gore ba gole ba na le lorato, le go itse gore go abela motho yo mongwe go botlhoka. Mme Thomas a re didirisiwa tsa go tshameka tse di abetsweng bana ba sekole sa Lepokole di tlaa ba thusa go ithuta le go ba bula ditlhaloganyo. Modulasetilo wa komiti ya barutabana le batsadi kwa sekoleng sa Lapologang Rre Segale Mogale o tlhalositse fa e se lantlha ba SELEBO ba abela bana dimpho mme ba dira jalo ka madi a a tswang mo dipateng tsa bone. Go ya ka Rre Mogale maiteko a ba SELEBO a tlhoka go iteelwa legofi ka go lebega ba gatetse pele ka maikaelelo a bone. O ne a kgothatsa batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone ka puso e ka se kgone e le nosi. Rre Segale o kgothaditse bana le barutabana ba ba abetsweng dimpho go di tlhokomela gore di tle di ba tswele mosola. Kwa bokhutlong Rre Mogale a re tsholofelo ke gore dikole tse di abetsweng didirisiwa tseo di ntshe maduo a a bonalang mo nakong e e tlang. Bokhutlo
education
4
Ba rapelela tsela ya Kopong/Metsimotlhabe
Batswana ba le 444 ba latlhegetswe ke matshelo ka ngwaga wa 2017 ntateng ya dikotsi tsa tsela. Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane Rre Vincent Seretse o buile jaana bosheng kwa thapedisong ya tsela ya Kopong/ Metsimotlhabe kwa Kopong, a tlhalosa fa tsela eo e tlhokana le thapediso. “Mo lokwalong lwa ga Timony go kwadilwe gatwe, ‘a re rapeleng mme re rapeleleng ba bangwe ka jalo re tlaa bo re ba segofatsa,’ ga bua Rre Seretse. O tlhalositse fa puso e tshwenyegile ka fa banana ba amegang mo dikotsing tsa tsela ka teng ntswa ele bone go solofetsweng gore ba tlhabolole itsholelo ya lefatshe le, e bile gape e le bone baeteledipele ba kamoso. Mopalamente Seretse o gwetlhile banni ba Kopong go nna seopo sengwe go lwantsha dikotsi tsa tsela a bo a leboga dikereke tsa Kopong go phuthega ba le mmogo go tlisa pharologanyo mo matshelong a batho Sergeant David Bolaane go tswa kwa sepodiseng sa Mogoditshane o tlhalositse fa ba setse ba kwadisitse dikotsi tsa tsela di le thataro mo kgweding e, mme di ne di diragalela mo tseleng ya Kopong/Metsibotlhabe. Sergeant Bolaane o rotloeditse bakgweetsi go obamela matshwao a tsela, a bolela fa tsela eo e le sekgele se sekhutshwane sa dikhilomithara tse di masome mararo mme gape e na le dikoloi tse dintsi tse di e dirisang. “Matshwao a tsela a mo ditseleng, mme go maswabi ka gore bakgweetsi ga ba a dirise,” a re seo se na le seabe mo kgolong ya dikotsi tsa tsela. O gwetlhile bakgweetsi go nna kelotlhoko ka gore tsela eo e dirisiwa ke bana thata mme go nna kelelelo go ka thusa go hema dikotsi tsa tsela tse di amang bana thata. Rre Tlhabano Mmusi go tswa mo lephateng la Ipabalelo Tseleng kwa MVA Fund o buile fa ba tsamaya ba gasa molaetsa wa ipabalelo tseleng go ruta sechaba go hema dikotsi tsa tsela. A re ba latlhegetswe ke batsamaya ka dinao ba le bantsi ngogola ka ntlha ya dikotsi tsa tsela. Rre Mmusi o boletse fa ba dirisa P200 million ka ngwaga go thusa ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela ka jalo a rotloetsa sechaba go ipabalela mo dikotsing ka nako tsotlhe. A re ba na le dithuso tse ba di fang ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela, a tlatsa fa ba thusa mo dithulaganyong tsa phitlho ka madi a a kana ka P7 500, mme ba thusa gape le mo go tsa bongaka. “Ipabalelo tseleng e simolola kwa lapeng, re na le dikgang tse batsadi ba ba thulang bana kwa malwapeng ba sa ba lemoge fa ba le ka fa morago ga koloi ka jalo a re nneng kelotlhoko ka dinako tsotlhe. Ke rotloetsa batsamaya ka dinao go tsamaya mo lebogong la moja fa ba dirisa tsela e bile gape ba tlole tsela mo makgabaganyong a a supilweng kana dikoloi di sena go feta,” ga tshwaela Rre Mmusi. O gwetlhile setshaba go begela mapodisi kana ba ba lebaneng fa ba lemoga fa mokgweetsi mongwe a sa kgweetse sentle. “Rurifatsa gore mokgweetsi wa gago o itekanetse ka dinako tsotlhe fa a kgweetsa, ka jalo re ka lwantsha dikotsi tsa tsela rotlhe,” a tshwaela. Mothusa modulasetilo wa lekgotla la baruti la Kopong Rre Meshack Tshekiso o tlhalositse fa ba bone go le mosola go dira modiro o, ka ba lemogile fa matshelo a batho a felelela mo tseleng eo. A re dithapediso tse di tlaa nna ngwaga le ngwaga, a tlatsa ka go re banni ba Kopong ke morafe o o dumelang mo thapelong. BOKHUTLO
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Go itshidila go ka hema malwetse
Mogolwane kwa lephateng la National Food Technology Research Centre (NFTRC), Mme Boitumelo Motswagole o rotloeditse batho go itshidila mmele ka go le botlhokwa go hema malwetse a a sa tshelanweng. Fa a buisa bagolo kwa DML Wellness Centre kwa Kanye bosheng, a re malwetse a a sa tshelanweng a diphatsa ka fa a tsena motho ga a ke a a lemoga go sale nako. Mme Motswagole a re batho ba nne ba itlhatlhobela malwetse ka go farologana morago ga dikgwedi tse tharo dingwe le dingwe gore ba bongaka ba ba tlamele ka pele fa ba ka tshwarwa ka malwetse. O boletse fa puso e tlhatlhobela malwetse a a faroganeng mahala mme batho ba sa dirise sebaka seo. O ne a tlhalosa fa NFTRC e na le ditlamelo di tshwana le go tlhatlhobela sukiri, madi a matona, selekanyo sa mafura mo mmeleng le tse dingwe. A re mafura a mantsi mo mmeleng a borai mo botsogong jwa motho ka a baka bolwetse jwa madi a matona. A re mafura a ipopa mo ditshikeng mme se se bake gore madi a seka a tsamaya sentle mo mmeleng. Mme Motswagole o ne a tlhalosa fa mmele o motona o gantsi o bakwang ke gore mafura a a bo a le kwa godimo o le diphatsa mo botsogong mme a gakolola gore fa mafura a setse a le mantsi mo mmeleng a thujwa ka go itshidila. A re go robala o kgotshe thata ga go a siama, ka jalo a rotloeditsa gore batho ba seka ba ne ba robala ba timpetse ka gore matlhagatlhaga otlhe a ba a tsereng mo dijong mmele o a fetola go nna mafura. A re fa motho a sena go ja maitseboa, o tshwanetse go nna lobakanyana pele ga a robala gore matlhagatlhaga a a a tsereng mo dijong a fokotsege ka bosigo mmele o sa tlhokane le matlhagatlhaga ka o abo o sa bereke sepe. O ne a tlhalosa gape fa go ja sentle go le botlhokwa thata mo kgolong ya mmele, ka jalo batho ba je dijo tse di agang le di sireletsang mmele, ga mmogo le tse di fang maatla. Mme Motswagole o rotloeditse bagolo gore ba seka ba ne ba budusa morogo thata ka go dira jalo go bolaya dikotla. O ne a ba rotloetsa gape gore fa ba kgona go oja o le motala ba o oje o sa apewa ka o abo o santse o na le dikotla. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa DML Wellness Centre, Rre Daniel Letshelaphala, a re malwetse a a sa tshelanweng a apesitse Botswana kobo ka letshoba, ka jalo a kopa botsadi go itshireletsa ka go itshidila mme le go ja dijo tse di dinang le dikotla. BOKHUTLO
health
6
Go tlhoka mokwaledi go ba beile ka fa mosing
Go tlhoka mokwaledi (Court clerk) kwa kgotleng ya motse Mabuo mo kgaolong ya Serowe go beile banni ka fa mosing. Matshwenyego a a supilwe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse o, Rre Golathwamang Orakanye mo puthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tona wa merero le tirisanyo ya mafatshe a sele, Dr Pelonomi Venson-Moitoi. Rre Orakanye a re e setse e le ngwaga seemo se ntse sele teng, a re se se dira gore e nne e kare Kgosi ga a bereke. Seemo se a re se pateletsa gore kgosi a romele batho ba ba batlang thuso kwa dikgosaneng tsa tetanyo se a reng se imedisa dikgosana tseo tiro. “Dikgosana tse di imilwa ke tiro,ka jalo di kopa go atswiwa,” Rre Orakanye a tlhalosetsa tona. O ne gape a kopa tona gore ba batla phatalatso ya metsi mo motseng, a re banni bangwe ba gelela metsi kgakala a re dipompo tsa metsi tsa morafhe dia thaela. O ne gape a lela ka go kgala ga metsi kgapetsakgapetsa are seemo se segakatswa ke go tlhoka pompara mo motseng. Modulasetilo one a kopa puso gore e sekaseke go oketsa matlo a baithuti ba ba nang kwa sekolong se se golwane sa Mothamo ka bana ba sokola bogolo jang dipula dina le mariga. Mme Beauty Rakole o ne are bomme ba ba itsholofetseng ba a sokola ka gore ba sidilwa kwa motseng wa Moiyabana. A re bomme ba ba mo seemong se fa ba ka tlhaselwa ke batho ga ba kake ba kgona go iphemela le fa ele go sia tota. Banni bane ba supa fa basa akole mananeo a nyeletso lehuma ka ba se na ditsha, ba ne ba tlatsa ka gore go tlhoka Mmaboipego go gakatsa seemo. Dr Venson-Moitoi one a tlhalosetsa banni gore puso e dirile thulaganyo gore batho ba merafhe wa Basarwa ba thusiwe ka mananeo a nyeletso lehuma gongwe le gongwe kwa ba leng teng. A re go thusiwa Basarwa ba ba gateletswemg ke lehuma. Tona o ne a bolelela banni gore o tla tswelela ka go supa letlhakore la Botswana mo dithuthegong tsa mafatshe-fatshe ka katlholelo leso go fithelela Batswana ba re molao o o o fetolwe. A re puso e dumela gore molao o siame ka polao ya motho ele molato o motona ebile o le masisi. BOKHUTLO
society
9
Dipolaano di a gola kwa Takatokwane
Mapodisi a Takatokwane ga a jesiwe di welang ke go runya ga dikgang tsa dipolaano tse go belaelwang ele tsa marato tse mo go tsone go bolailweng basadi ba le babedi ga gobala bale babedi magareng ga malatsi a keresemose le ngwaga o mosha. Mogolwane wa mapodisi a Takatokwane Superintendent Ocean Maraganyane a re mosadi wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano o bolailwe ke mokapelo wa gagwe malatsi a mabedi morago ga botsalo jwa morena kwa masimong a Sekokwane ka go tlhabiwa ka sengwe se se bogale mo kgokgontshong mo ponong ya bana ba bone ba babedi pele a ruthaka mmagwe moswi ka molamu mo tlhogong a bo a mo roba letsogo. Go tlhalosiwa fa mmelaelwa wa dingwaga tse di masome mararo le bone e rile morago a nwa botlhole ka maiteko a go ipolaya mme ba losika ba mo ragosetsa kwa kokelwaneng ya Takatokwane kwa a fetileng a fudusetswa kwa sepateleng sa Scottish Livingstone mme go tlhalosiwa a setse a ntshitswe mo sepateleng. Rre Maraganyane a re le ntswa go ise go simololwe tshidilo maikutlo mo baneng ba moswi mme gone ba lephata la boipelego la khansele potlana ya Letlhakeng ba rulaganyeditswe bana bao go e simolola mo bogaufing. Mongwe wa ba losika Mme Letty Lebaka a re e ne yare morago ga go utlwalela ka tiragalo eo a ragogela kwa masimong a Sekokwane kwa a fitlhetseng moswi a tlhokafetse a kgaotswe kgokgotsho go lebega bana ba gagwe ba lekile go mo tlhapisa madi mo sefatlhegong ka tsholofelo ya gore a ka thanya. Tiragalo e nngwe ke e mo go yone Superintendent Maraganyane a tlhalosang fa mosetsanyana wa dingwaga tse di masome mabedi le motso a bolailweng ke mokapelo wa gagwe letsatsi pele ga ngwaga o mosha ka go mo tsatsanka ka sengwe se se bogale mo mmeleng gone kwa Takatokwane. Malomaagwe moswi, Rre Kabo Hisang a re tiragalo eo e tlile morago ga gore mmelaelwa a nne le dipelaelo tsa gore moswi oa mo tsietsa a sena go mo fitlhela a robetse le monna yo mongwe mo ntlong mo maphakeleng a matona morago ga maitisong. O tlhalositse gore o ne a lebile ka poifo jaaka motlogolo wa gagwe a ne a tsatsankiwa ke mmelaelwa ka sengwe se se neng se lebega jaaka thipa pele a kopa thuso mo baagisanying. Batho botlhe ba ba amegang mo ditiragalong tseo go tlhalosiwa ele ba kgotla ya Motlhware gone kwa Takatokwane. Kgosi ya Takatokwane, Rre Makgabane Tsiane o supile fa go nowa ga majalwa phetelela go tlhotlheletsa boitaolo jwa bana ba ba tlhaelang kgalemo ya botsadi gammogo le marekisetso a majalwa a sa obameleng tsamaiso ya dikgwebo. Kgosi a re go a gakgamatsa gore dingwe tsa ditiragalo tseo go bo go tlhalosega di diragala go duwa kwa maitisong a dino tsa bojalwa. Modulasetilo wa khansele ya kgaolo potlana ya Letlhakeng e bile ele mokhanselara wa kgaolo ya Takatokwane/Dutlwe, Rre Tlotlo Batlhophi le ene o nyaditse boikarabelo jwa botsadi jo a reng bo lolea fela thata. Mongwe wa batsadi, Rre Titus Martius o kgadile mokgwa wa go tlhakanya banna o a reng o atile mme o rotloediwa ke batsadi bangwe go lebilwe go ja ka jalo go phuaganngwe ba ba sa tlholeng ba tswa dipe. BOKHUTLO
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Mopalamente o rotloetsa batsadi go emela thuto ya bana ka dinao
Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraela Goya o kopile batsadi ba Palapye go emela thuto ya bana ba bone ka dinao. A re ke yone e ka thusang lefatshe leno go goroga kwa phadisanong ya mafatshe. O buile jaana mo phuthegong e a neng a e bileditse batsadi go ya go bua ka maduo a dikole tsa Palapye kwa kgotleng ya Palapye. A re thuto ke yone e dirang gore lefatshe le tlhabologe ka gore tshaba e rutege. A re tshaba e e rutegileng e nna le dikakanyo tse di tseneletseng, ka jalo go bo go kgona gore lefatshe le nne le ditlhabololo tse di nonofileng e bile di kgatlha. Rre Goya o ne a lemotsha morafe gore bana ba lefatshe leno gore ba kgone go tsenelela dikgaisano tsa mafatshefatshe, ba tshwanetse go ithuta thata bogolo jang mo thutong ya maranyane. A re maikemisetso a phuthego ke go tsholeletsa maduo a dikole tsa Palapye kwa godimo, go tokafatsa seemo se seleng teng gompieno sa thuto, gore bana ba motse ba tle ba bone diphatlha ka bontsi kwa BUIST. Mopalamente Goya a re tsholofelo ke gore dingwe diemo tsa letlhoko la didirisiwa di tlaa tokafadiwa mo malatsing a makhutshwane, mme a fa sekai ka ditilo a re di tlaa goroga mo lobakeng lo lo khutshwane. O ne a leboga ba komiti ya Palapye First Development Foundation, ba maloko a yone e leng batho ba Palapye ba ba tlogetseng tiro ka bogodi, go bo ba supile gore ba tlaa ithaopela go thusa go tokafatsa thuto ka fa ba ka kgonang ka teng le go nna ba etela dikole. Mothusa modulasetilo wa komiti, Rre Lebofanye Kenosi a re mokgatlho wa bone o itebagantse le go lwantsha mathata le ditlhabololo tsa Palapye otlhe ka kakaretso le go itshwaraganya le barutabana mo thutong. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Palapye, Rre Lesedi Phuthego a re batsadi ga ba duele dikole, a bolela fa dipalo di supa gore go duela fela ba le masome mabedi mo lekgolong, mme bontsi ga bo duele dikole. E rile a bua ka go tlhoka tsebe ga bana a re ene o kopa gore mokgatlho wa Scripture Union o busediwe mo dikoleng, ka gore o ne o thusa thata mo go ageng bana.
education
4
Morupisi o rolela ba Moroka didirisiwa
Mokwaledi mogolo wa ga Tautona, Rre Carter Morupisi a re go a itumedisa go bona Batswana ba tsibogela mowa wa go aba le wa boithaopo. Rre Morupisi, yo e leng morotloetsi wa sekole se sebotlana sa Moroka kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, o buile jalo a rolela morafe wa Moroka didirisiwa tsa kago le dithuso tse dingwe ka go farologana, tse di tlaa dirisiwang mo kagong e e tsweletseng ya matlo a boroko jwa baithuti ba ba nang le bogole ba sekole seo sa Moroka. Didirisiwa tseo, tse di neng di tswa mo makalaneng le dikhamphani ka go farologana go araba pitso le go tswa Rre Morupisi thuso tebang le kago ya matlo ao, di ne tsa rolelwa morafe mo kgotleng kgolo ya Moroka kgwedi eno e le masome mabedi le boraro. E re ka jaana kago eo, e e neng ya simolodisiwa ngongola ka Phukwi, e setse e le mo legatong la go rulelwa. Rre Morupisi o ne a tlhalosa fa a itumedisiwa ke go bo a ne a tsile go rola dingwe tse di tlaa dirisiwang go feleletsa tiro eo. Mokwaledi mogolo wa ga Tautona a re ka fa tiro eo e tsweletseng ka teng, go mo fa tsholofelo ya gore e tlaa wediwa ntle le makgwere ape ka jaana kago eo, e go solofetsweng e tlaa dirisa P1.5 million, e setse e dirisitse P1.3 million, a supa fa go le pele a ne a ipotsa gore a tiro eo e tlaa kgonagala mme tsotlhe di feletse di tsamaya ka fa a neng a eletsa ka teng ka ntlha ya thuso ya Batswana. Rre Morupisi o boletse fa puso ya lefatshe leno e le pelonamagadi, bogolo jang fa go tla mo ditirong tse di tshwanang le tse, a bo a leboga botlhe ba ba neng ba mo thologa mokgosi tebang le kago ya matlo ao. Go ntse go le foo, Rre Morupisi o ne a supa botlhokwa jwa gore bana ba rotloediwe mo ditalenteng tse ba nang le tsone, ka seo se ka ba thusa gore mo isagong ba itshetse ka tsone. Dingwe tsa dikhamphani tse go neng ga bolelwa di nnile le seabe mo kagong eo ke tsa WHARIC construction, UNISPAN, Building Materials Supplies, Steel Junction, Mascom, Premium Steel Hardware le BOPEU gareng ga tse dingwe. Ba Zwenshambe le Senyawe brigades le bone ba ne ba lebogelwa seabe sa bone sa go aga kago eo, ntle le tefo epe. Fa a tswa la gagwe, molomaganya ditiro tsa ba-na-le bogole mo ofising ya ga Tautona, Rre Thomas Motingwa a re e rile kago eo e simolodisiwa, ga bewa seelo sa gore e bo e wetse ka kgwedi ya Phukwi monongwaga. A re ka jalo maikaelelo ke gore e bo e bulwa semmuso ka Phatwe. Mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, gape e le mothusa tona wa lephata la peeletso, papadi le madirelo, Rre Biggie Butale o ne a kaya fa tiro e e dirilweng ke Rre Morupisi ya go ithaopela sekole sa Moroka, e le e tona e e tlhokang go galalediwa. Rre Butale a re Rre Morupisi o diragaditse maitlamo a tebelopele ya 2016, a tshaba e e kutlwelobotlhoko e le lorato, a tlatsa gape ka go re se se dirilweng se gatelela mafoko a a mo Baebeleng, a a supang fa go le sego letsogo le le abang go na le le le amogelang, ka jalo a kopa batho go tsaya malebela mo go seo. Mothusa tona o tlhalosa fa mowa wa boipelego e le one o agileng lefatshe leno, ka moo a re fa o ka tsosolosiwa o ka isa lefatshe leno golo gongwe. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Moroka, Rre Gobe Moipolai le ene fela jalo o ne a iteela Rre Morupisi legofi, a supa fa a tletse boitumelo go bona ka fa kago e tsweletseng ka teng e bile le didirisiwa di tsweletse ka go goroga. BOKHUTLO
society
9
Ba ipelela peo ya kgosi
Banni ba Ramotlabaki ba ne ba tshwere moletlo wa go ipelela peo ya kgosi ya bone. Fa a bua kwa moletlong wa go ipelela peo ya kgosi ya motse oo bosheng, Kgosi Michael Balebetse wa Mmathubudukwane o ne a supa fa go bereka ba le seopo sengwe e le morafe e le gone fela go ka tlhabololang motse wa bone. Kgosi Balebetse o ne a tlhalosetsa Kgosi Sakaiwa Modidi fa a romilwe ke morafe go ba tlhokomela le go ba direla a sa tseye letlhakore lepe a supa fa kgosi ke kgosi ka batho. A re o tshwanetse go reetsa dilelo tsa morafe wa gagwe le go utlwa matshwenyego a bone mme a rarabolole dikgang tseo ka bopelokgale a tlatsa ka gore tiro ya bogosi e batla bobelokgale. O boletse fa a tshwanetse go netefatsa gore dinako tsotlhe o amogela dikgakololo tse a di fiwang ke morafe wa gagwe e le tsela ya go aga motse le morafe a supa gore seo ka bo sone se ya go tiisa morafe mooko. A re batho ga ba akanye ka go tshwana mme o ne a gakolola Kgosi Modidi gore se se botlhokwa ke go sekaseka megopolo ya bone gore motse o gatele pele. Kgosi Balebetse o boletse fa kgosi e tshwanetse go nna le boikarabelo a re kgosi ke motho yo o itshwarang sentle mme a mo gakolola gore a netefatse gore o tsamaya mo tseleng e e siameng nako tsotlhe. O ne gape a mo rotloetsa go bereka le dikomiti tsa motse,mokhanselara le badirelapuso ba ba mo motseng wa gagwe go na le gore a tseye ditshwetso a le nosi. E re dikgang di eme jalo, o ne a gakolola morafe wa motse oo,ka molelo wa kgolagano le boipuso jwa monongwaga a tlhalosa fa ba tshwanela ke go ipaakanyetsa ditiro tseo ka bobedi go netefatsa gore mongwe le mongwe o nna le seabe. Fa a tswa la gagwe Maitumelo Maemo go tswa kwa ofising ya ga molaodi o ne a kgothatsa Kgosi Modidi go bereka ka natla le ka kagiso le morafe wa gagwe. O ne gape a mo kgothatsa gore a dire thata le banana gore ba bue ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. A re dikgang tse di amang banana di setse di le dintsi thata a fa sekai ka dipolaano tsa baratani a tlhalosa fa bontsi jwa tsone di ama banana mme o ne a kopa kgosi go bua le banana ba motse wa gagwe. O boletse fa go dira jalo gongwe motlha mongwe banana ba tlaa fetoga mme ba tseye tsela e e siameng a tlatsa ka gore le go ba busetsa mo ngwaong ya Setswana ke dilo dingwe tse a eletsang gore kgosi a di dire le banana ba motse wa gagwe. E ne ya re a tswa la gagwe, Kgosi Modidi a tshephisa morafe wa gagwe gore o tlaa bereka le bone ka manontlhotlho le ka bopelotelele a supa fa ene a eletsa go busetsa ngwao ya Setswana mo bananeng le kgang ya baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana. A re dikgang tseo ka bobedi o na le maikaelelo a go di emela ka dinao thata a supa fa ditiragalo tse dingwe tse di dirwang ke batho tse di duleng mo tseleng bontsi jwa tsone di bakiwa ke tsone dikgang tseo ka bobedi.
society
9
‘Lehuma le tla a nyelela kwa Boteti’
Banni ba motse wa Khwee ba rotloeditswe go nwa moro mananeo a puso le thuso epe fela e tswang mo dikomponeng le batho ka bongwe ka bongwe, ka go somarela se ba se abetsweng. Kgakololo e e ntshitswe ke mothusa tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Matshelo a Batho Ba Ba Mo Mafelong a Kgakala le Ditlamelo, Mme Botlogile Tshireletso, ka Labone, Sedimonthole a tlhola malatsi a le botlhano, jaaka banni bangwe ba motse wa Khwee ba ne ba abelwa dihutshane le dikoko ka lenaneo le le simolodisitsweng ke molaodi wa kgaolo potlana ya Boteti, Rre Loeto Porati. Mothusa tona a re o na le tumelo ya gore lehuma le tla nyelela mo kgaolong potlana ya Boteti ka gore makhanselara, dikgosi, bodiredi jwa puso le bagwebi ba tshwaragane, go thusa ba ba tlhokang. Le fa go ntse jalo, Mme Tshireletso o supile fa mabogo dinku a thebana, a supa fa lehuma le ka nyelela fa ele gore ba ba fiwang thuso le bone ba eme ka dinao go somarela se ba se abetsweng. O supile fa lenaneo la ofisi ya ga molaodi le tlaleletsa mo go le le tsweletseng ka ofisi ya boipelego la go abela banni ba metse e kgakala le ditlamelo leruo gore ba itlhotlhore lehuma. Le fa maiteko a le teng, a dirwa ke puso le bagwebi, a go ntsha banni ba mafelo a kgakala le ditlamelo mo lehumeng, Mme Tshireletso a re o tshwenngwa ke bangwe ba ba setseng ba rekisitse leruo le ba neng ba le filwe ke puso kana le nyeletse ka lene le sa fiwe tlhokomelo. A re bangwe fa ba sena go fiwa leruo ba a le rekisa mme morago ba fetoge badisa ba lone. Mme Tshireletso a re puso e tshwenngwa gape ke bangwe batho ba ba itirileng bophiri phamola ka go tsietsa banni ba mafelo a kgakala le ditlamelo ba reka leruo mo go bone ka diaparo le dikobo tse ba di tlhobogileng. “Ba dira jalo ba itse gore le nna mo mafelong a kgakala le ditlamelo ka jalo ba le tlakisa ka tse ba itseng gore ga le kgone go di bona motlhofo.” Mme Tshireletso o tlhaloseditse banni ba Khwee gore puso e tla tswelela ka go ba abela leruo, mme a supa fa go tla dirwa tshekatsheko e tseneletseng go tlhomamisa gore go abelwa ba ba nang le lorato e bile ba le tlhaga go ka tlhokomela leruo gore le ate. Mme Tshireletso o akgotse thata seabe sa bagwebi ba kgaolo potlana ya Boteti ka go ntsha madi a a ka tshwarang P74 400, a a thusitseng go reka dihutshane tse di thusitseng go simolodisa lenaneo la ga molaodi la go thusa go nyeletsa lehuma. A re ke tiro ya botlhokwa, e supang lorato le kutlwelobotlhoko. A re dikompone tse di thusang go tlhabolola matshelo a batho ba ba kobodikhutshwane di tlhoka go phophothwa legetla ka di rotloetsa maikaelelo a ga tautona a go agela Batswana ba ba senang bonno le go nyeletsa lehuma. O supile fa lenaneo la ga tautona la go agela batlhoki le tsweletse sentle ka thuso ya bagwebi ka go farologana le setshaba ka kakaretso. A re lenaneo le le thusitse banni ba Khwee ba le batlhano ngogola mme mono ngwaga le tla thusa ba le babedi. Mothusa Kgosi ya motse wa Khwee, Gabareutwe Boloka, a re le fa gone morafe wa gagwe o thusiwa ke puso ka mananeo a go tlhabolola matshelo le go nyeletsa lehuma, jaaka thuo ya leruo le dikoko, sebe sa phiri ke gore sediba se se nosang leruo leo se na le lebaka se senyegile ka jalo leruo le phatlhaladiwa ke lenyora. Le fa go ntse jalo, Kgosi Boloka o lebogile go menagane go bona bangwe ba motse wa Khwee ba bone thuso. O lebogetse gape lenaneo la ga tautona la go agela batlhoki matlo. Kgosi Boloka o supile fa tota a sa ntse a sa itumedisiwe ke seemo sa tsela, a re ga e tsamaege ka jalo e ka kgoreletsa ba ba eletsang go thusa go etela motse wa Khwee. Molaodi, Rre Porati, o supile fa e se la ntlha a dira tiro ya mofuta o, a supa fa a kile a abela bangwe dikoko a sa ntse a direla kwa kgaolong ya Charleshill, ka thuso ya bagwebi ba kgaolo eo. Rre Porati a re lenaneo le le akaretsa bagodi le banana ba dikhutsana ba ba sa direng sepe go tokafatsa matshelo a bone. A re o dira se ka lorato, tlotlo, kutlwelobotlhoko; a tlatsa ka gore maikaelelo ke go thusa batho ba le masome a mabedi le botlhano ngwaga le ngwaga, ba metse ya Mmeya, Mokubilo, Xere, Kedia le Khwee. Moemedi wa bagwebi, Rre Tipson Mahube, a re ba ne ba kopiwa ke ofisi ya ga molaodi go thusa ka madi go simolodisa lenaneo le le itebagantseng le go nyeletsa lehuma. Rre Mahube a re bagwebi ba ntshitse dithebenyana tseo e se sesupo sa gore ba na le madi, a supa fa ba dirile jalo ba eteletswe pele ke mowa wa lorato le keletso ya go bona lehuma le fokotsegile. Rre Mahube a re sepe se motho a se dirang se tlhoka lorato le boitshoko gore se tswelele pele, ka jalo a gakolola ba ba thusitsweng go nna boineelo le go dira ka natla gore leruo la bone le ate le bone ba kgone go thusa ba bangwe kamoso. BOKHUTLO
society
9
Ba lela ka tlhaelo ya dijo mo dikoleng
Makhanselara a kgaolo potlana ya Boteti ba lela ka tlhaelo le go tsisiwa ga dijo mo dikolong tse di potlana le tse dikgolwane, seemo se ba reng se dira gore bana ba ba nnang mo dikoleng ba ngwege. Ba ntshitse selelo se sa bone kwa phuthegong ya dipuisano tsa khansele potlana ya Boteti bosheng kwa Letlhakane ,ba supa fa bana ba ba nnang mo dikoleng ba sa kgore mme bangwe ba bone ba ngwegela kwa malwapeng mme ba kopa bogogi jwa thuto go tsibogela seemo sa dijo tsa bana. Makhanselara a ne gape a supa letshwenyego la tlhaelo ya matlwana a borutelo le mosuke mo dikoleng. Mokhanselara wa kgaolo ya Letlhakane Bokone Rre Aron Baitseng o boletse fa dikoloi tsa Letlhakane di le mosuke, mo ebileng go na le bana bangwe ba ba sa tsewang go ya go dira lekwalo lantlha a botsa gore go ya go dirwa jang ka bana bao. Makhanselara a bile a supa fa maduo a thuto mo kgaolong ya Boteti a le ko tlase thata. Mokhanselara wa kgaolwana ya Letlhakane Bophirima mme Thato Modirwagale o ne a kopa bogogi jwa thuto go dira thulaganyo ya gore batsadi ba nne le seabe mo thutong ya bana ba bone, a ba kgothatsa go tsaya malebela ko dikoleng tsa Orapa. Mokhanselara wa kgaolo ya Makalamabedi/Motopi Rre Onkhuparetse Monnaatsie o kaile fa tlhaelo ya barutabana le letlhoko la ditlamelo e le tsone di isang maduo a thuto kwa tlase. O ne gape a re batho ba ba filweng dihutshane ka lenaneo la LIMID ga ba a rutiwa ka tlhokomelo ya tsone. Mokhanselara wa kgaolo ya Mmatshumo ene o supile fa go na le bana ba le lesome le botlhano ba ba neng ba tshwanetse go ya go dira lekwalo lantlha ba maipaafela a Makolwane, a re ba sale ba tlogetswe gotwe ba tlaa tla ba tsewa nako kgolo ke eno. O tsweletse a botsa gore fa dikgwebo tsa bana di phutlhama jaana go dirwa jang fa ba sa duele, a tlatsa ka gore banana ba tsenya dikopo mme ba ganwe ,a tlatsa ka gore banana ba thusiwa jang ka lenaneo la go ikopela. Mokhanselara wa kgaolo ya Letlhakane Bokone Rre Boitshwarelo Mopedi o ne a kopa gore go tlhalosiwe gore ke dife dikgwebo tse di sa direng sentle tsa banana, le gore a ke tsa motho a le nosi kgotsa ke tse di kopanetsweng. Mo go tsa botsogo makhanselara a ne a lela ka letlhoko la dikoloi tsa dikokelwana le ba reng le baya matshelo a batho mo diphatseng, e bile a paledisa baoki go isa ditlamelo tsa botsogo kwa go senang dikokelwana, le tlhaelo ya dingaka,baoki. Makhanselara a ne a lebogela lenaneo la moepo wa Orapa la Orapa Today Boteti Tomorrow lenaneo le le akaretsang go agiwa sekole sa ithutelo ditiro ya diatla, katoloso ya madirelo ka go farologana, ba re leya go tsisa ditlhabolo mo kgaolong ya Boteti,le tlhamela bana ba kgaolo potlana eo ditiro, mme gape ba sebete se molanngwana ka kgang ya go fodusiwa ga barui,mo lefelong le go atolosetswang lefelo la diphologolo mo go lone, ba ya go nna ko mahudisong a a kopanetsweng. Mogolwane wa lephata la thuto Rre Philip Mpho o supile fa ba tlaa ela tlhoko seemo sa dijo mo dikoleng ,a tlholosa fa gompieno ba sena madi mme ba tlaa kopa kwa Serowe, atlatsa ka gore kgang ya mosuke mo dikoleng e teng e bakiwa ke gore batsadi ga ba kwadise bana kwa dikoleng tse di tshwanetseng, fa ba bangwe ba kwadisa bana morago ga nako e e beilweng mme ba tlhaelwe ke diphatlha. Mogolwane wa lephata la tsadiso ya leruo Rre Bueno Mokhutshwane a re ba ruta baikopedi ba dihutshane tsa lenaneo la LIMID ka mehuta ya dihutshane,letsalo la tsone ,melemo,malwetse,mekento le gore e dirisiwa jang. Mothusa Molaodi Rre Bahiti Keiphokotsi o ne a ba tlhalosetsa gore lenaneo la koloi e le nngwe motse le motse le dirilwe go sena dikoloi tsa lone, a re mo bogompienong le santse le dirisa dikoloi tsa maphata.
education
4
Molelwane wa Mabolwe/Mlambaphele o tlaa bulwa
Mafatshe a Botswana le Zimbabwe a dumalane gore kgoro ya molelwane ya Mabolwe/Mlambaphele e simolole go agwa e bo e bulwe ka bofefo. Se, se dumelwane ke botona ba selegae ba mafatshe oo mabedi fa ba ne ba etetse lefelo le kgoro ya molelwane e tlaa agiwang teng. Mookamela lephata la dipasa le mesepele wa lefatshe la Zimbabwe Rre Stephen Museki, o tlhalositse fa e tlaa re kgwedi ya Motsheganong e tlhola gangwe lefatshe la Zimbabwe le simolole go aga dikago tse di tsileng go dirisiwa fa kgoro ya molelwane e sena go bulwa ka kwa ntlheng ya lefatshe la bone. Rre Museki o boletse fa kgoro ya molelwane e tlaa simolola go bulwa ka nako ya borataro mo mosong go tsena nako ya boferabobedi maitseboa mme e re nako e ntse e tsweletse e nne e butswe dinako tsotlhe e sa tswalwe. Tona wa Lephata la Selegae wa lefatshe la Zimbabwe Rre Ignatius Chombo, o tlhalositse fa kgoro e ya molelwane e le botlhokwa fela thata e bile e tshwanetse go potlakelwa go bulwa ka bonako ka batho ba ba nna gaufi le molelwane oo, mo mafatsheng ka bobedi e le masika e bile ba tlamega go nna ba etelana mo mererong e tshwana dintsho,manyalo le mediro ya ngwao. Tona o ne a tswelela ka go tlhalosa fa go bulwa ga kgoro e ya molelwane go tla itsa batho ba mafatshe oo mabedi go tlola molelwane e se kafa molaong.Rre Chombo o boletse fa go bulwa ga molelwane go tlaa tiisa botsalano jwa mafatshe oo mabedi jo bo tswang kgakala ka jalo a tlhalosa fa dikgang tsa go utswiwa ga leruo mo lefatsheng la Botswana le tlodisetswa kwa Zimbabwe di tlogelelwe bogogi jwa metse ya mafatshe oo mabedi e e bapileng le kgoro e ya molelwane gore ba tle ba di rarabolole fa molelwane o sena go bulwa.T ona wa pereko le selegae wa lefatshe la Botswana Rre Edwin Batshu, o boletse fa a ne a kopa tona ya selegae ya lefatshe la Zimbabwe yo a leng mosha mo tirong go tla go bona lefelo le kgoro ya molelwane e tlaa bulwang teng. Le fa go ntse jalo tona o ne a feta a lekola banni ba motse wa Gobojango mo phuthegong ya nakwana mo kgotleng ya motse oo.Tona o tlhaloseditse banni fa a tsile le tona wa selegae wa lefatshe la Zimbabwe go tla go ba tlhomamisetsa fa kgoro ya molelwame e tlaa bulwa mo bogaufing. Tona o ne a tlhalosetsa banni ka ditirelo tsa lephata la gagwe a re banni ba tshwanetse go direla bana Omang fa ba sena go wetsa dingwaga tse di lesome le borataro pele ga malatsi a le masome a marataro a wela. Tona o ne a tlhalosa fa lephata la gagwe le tsile ka molao wa gore kereke e kwadisiwe fa e na le maloko a le lekgolo le masome a matlhano go baakanya molao wa pele o batho ba neng ba sa o dirise sentle go kwadisa dikereke.
politics
7
A Moretlwa o lele - mopalamente
Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, o sa tswa go dumalana gore banana ba ba ntseng ba tlhakaladitse ba tlhorontsha batho ka go ba gobatsa le go ba utswela mo Kanye ba ipitsa Matsayakankane ba lelelwe ke moretlwa. O buile jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa kgotleng ya Mongala mo Kanye ka Labone. O dumalane jalo morago ga gore morafe o bolele fa thupa e ntse e lelela boatleng mme sebe sa phiri e le gore bangwe batsadi ba fitlha bana ba ba senyang. Rre Kesupile o boletse fa tiro eo e le kgolo thata ka gore ba sireletsa setshaba sa kamoso se se tshwanetseng go nna boikanyego. A re lore lo ojwa lo sale metsi, ka jalo thulaganyo eo e tshwanetse ya tswelela, dikgosi le dikgosana di tshwanetse go ema ka dinao. Banni ba ne ba bolelela mopalamente gore ba ntse ba sokodisiwa ke banana, bogolo jang ba ba neng ba fetsa lokwalo lwa botlhano le lwa boraro. Morafe o ne wa itela kwa go kgosikgolo Malope II gore bana ba ba apesitse kobo ka letshoba, mme a laola gore a moretlwa o lele go inolwe kgaolo mo borukutlhing joo, jo bo ka senyang Kanye. Mo dikgannyeng tse dingwe, Mopalamente Kesupile o boletse fa a ngongorega ka bodiredi jwa khansele ya Borwa, a bolela fa ba le maoto a tshupa go lere ditlhabololo mo kgotleng ya Mongala. O boletse fa madi a LG 1109 a ntshiwa ngwaga le ngwaga go tlhabolola dikgaolo. A re madi ao ga a a tshwanela go boela kwa pusong gape, a tshwanetse go tlhabolola ka tlhoafalo. O buile ka molao wa matimela o o sa tswang go buisanngwa kwa palamenteng, o shafadiwa. Fa ba akgela ka molao wa matimela ba ne ba bolela fa ba sa dumalane le one. Ba re puso e batla go ba humanegisa. Ba re bogologolo matimela a ne a phuthwa ke mophato wa kgosi. Ba re ba ne ba latela matimela kwa merakeng le masimo. Le fa go ntse jalo, mogokaganyi wa temo- thuo mo kgaolong ya Borwa, Mme Monia Mfolwe o boletse fa temo monongwaga e le kwa tlase ka pula e le boutsana mme nako ya letsema e setse e wetse mo kgaolong ya Borwa. O kgothaditse balemi gore fa pula e ka na mo bogautshwaneng ba leme mabele le dinawa ka di le bogadi bo gaufi ka dinako tsa leuba. A re mmidi one ba seka ba o lekeletsa e bile ba ba setseng ba phakile peo ya mmidi ba ka ananya ka mabele. O boletse fa balemi bangwe ba phaka menontshane mme ba e tlogele mo dipuleng ba sa e dirise le mororo puso e o rekile boturu. O boletse fa go tlhoka go dirisa menontshane morago ga go e phaka e le borukutlhi. E ne e rile go le pele kgosana yoo ra Mongala, Kgosi Tshegofatso Mere a bolela fa pina ya setshaba e tshwanetse go tlotlwa, batho ba e itse, ba eme fa e opelwa. O ngongoregetse morafe gore ga o tsene diphuthego tsa kgotla le fa kgosikgolo a bitsa. A re diphuthego di tsenwa ke batho ba ba berekang Ipelegeng fela fa ba golotswe kwa tirong. O boletse gape fa kgosikgolo a tlaa kua mophato ka Seetebosigo, mme go batlwa banna ba dingwaga tse di simololang ka 1976 go tsena 1980. O buile gape gore kgosikgolo o ngongorega ka ditseo tsa malatsi ano, a bolela fa di dule mo ngwaong ya Sengwaketse. O ne a ba a bolela ka dikgang tse di mmalwa tse di amang Bangwaketse di ne tsa rolwa ke kgosikgolo bosheng kwa kgotleng e tona, a ba a bolela fa Tautona a tlaa tla mo Kanye mo bogaufing go tla go laela. Kgosi Mere o kopile gore ba mmaakanyetse fela jaaka ba metse e mengwe ba dira.
crime_law_and_justice
1
Bakgatla ba lela ka leruo la bone
Barui ba kgaolo ya Ramotlabaki le Phalakampa ba lela sa ga ragele ka leruo la bone le le tseneng ka gare itse la ba la nyelelela mo dipolaseng tse di mabapi le bone. E rile barui ba kgaolo eo ba bua mo phuthegong ya barui kwa Ramotlabaki ka Labone, ba supa fa leruo la bone le tlolela kwa kgaolong ya Legare fa lengwe le tsene mo dipolaseng tsa Aferika Borwa mme go nne thata go di bona. Mongwe wa barui, Rre Eric Masire a re kgang ya leruo la bone le le felelang kwa GaMmaNgwato e tswa kgakala go ntse go buiwa ka yone mme nako kgolo ke eno le fa gone kgang kgolo e le terata e e sa bolong go senyega. A re terata eo ke yone e ba jesetsang mo kgobedung ka jaanong e buletse dikgomo phatlha ya go tswa di bo di tsena jaaka di batla. Rre Masire a re mathata a mangwe ke gore fa go sena metsi mo kgaolong ya bone, dikgomo tsa bone di welela le noka di senka metsi mme boradipolase bangwe ba bula dikgoro tsa bone mme di tsene mo teng e be e le gone jaaka di ile.E rile morui ka ene a mo tlatsa Rre Matswienyane Kome a supa fa terata ya dipolase dingwe e wele mme e butse phatlha e mo go yone dikgomo di tsenang ka yone mme di felela kwa kgaolong ya ga GammaNgwato. A re mathata a simologa fa noka ya Notwane e kopanang teng le ya Limpopo bogolo jang ka gore dinako tse dinoka tseo di kgadileng dikgomo di tsena mo dipolaseng tsa batho di batla metsi. O ne a supa fa kgang e le go tlhoka tirisanyo mmogo mo gare ga bone le babereki ba dipolase tseo ka jaana go lebega bangwe ba bone ba dirisana le boradipolase bangwe go fitlha leruo leo bogolo jang mo dipolaseng tsa Aferika Borwa. Rre Kome a re fa dikgomo tsa bone di tsene mo dipolaseng tse di mo molelwaneng wa Botswana, babereki ba dipolase tseo ba di bulela go tswela kwa metseng e tshwana Mmaphashalala le Kudumatse. A re kgang ke gore ba tla bona dikgomo tsa bone jang mme a kopa Kgosi le Molaodi go ba thusa kgang e ka go tla felela go baka dikgoberego mo gare ga bone le barui ba bangwe ba dipolase tseo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa motse oo, Rre Edwin Tladi a re dikgang tse di buiwang ke barui di boammaruri mme a supa fa ene a setse a kile a ya go tsaya dikgomo tsa gagwe kwa dipolaseng dingwe tsa barui ba Aferika Borwa. A re gona le bangwe ba ba senyetsang Batswana a tlatsa ka gore bangwe ba bula dikgoro tsa bone tsa dipolase ka bomo mme morago ba tswalelele leruo la bone moo e be e le gone jaaka go ile fela jalo ka lone. Rre Tladi o ne a kopa molaodi le mapodisi go ba thusa ka kgang e mme e bile a supa fa mapodisi a Botswana a tsibogela dikgang tsa borukhuthi mme baagisanyi o kare ba maoto a tshupa go ba thusa. Molaodi wa Kgatleng Mme Samapipi le Kgosi Segale ba ne ba supa fa dikgang tsa bone di tlhoka therisanyo ka di ama maphatlha ka go farologana mme go le botlhokwa gore ba ye go ba rerisa go bona tlharabololo ya dikgang tseo. Mme Samapipi a re selelo sa bone o se tsere sentle mme a supa fa go senyega ga terata le go sa baakanngweng ga yone e ka tswa e le gone go bakileng dikgang tse dintsi mme a supa fa a tla ikopanya le ba ba maleba. Kgosi Segale o ne a supa fa ko tshimologong terata eo e ne e siame fela sentle e bile morafe o e tlhokometse mme ya tlogelwa morago ga lefatshe la Botswana le sena go tsaya boipuso. A re ka nako eo go ne go sena dikgang tse dintsi ka gore leruo le ne le bulelwa go nwa metsi mme le busediwe mo phulong ya lone go sena mathata. BOKHUTLO
society
9
Banana ba lela ka letlhoko la didirisiwa
Banana kwa Lentsweletau mo kgaolong ya Kweneng ba kaile fa go na le tlhaelo ya didirisiwa kwa ofising ya bone. Ba ntshitse matshwenyego ao kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke motshwarelela tona mo ofising ya banana, metshameko le ngwao, Rre Vincent Seretse kwa motseng oo bosheng. Mongwe wa banana, Rre Thebeyame Molefe a re ofisi eo ga e na dibalamakgolo, motshine o o ntsifatsang dipampiri le one motlakase tota. Rre Molefe a re dinako tse dingwe fa ba ya go kopa dithuso kwa ofising eo, ba fitlhela mmabanana a seo gotwe o ile go dira ditiro tse dingwe tse di tlhokanang le go dirwa ka dibalamakgolo kwa Molepolole, jalo ba patelesega go boa ba sa bona dithuso. O kopile puso go tsibogela dilelo tsa bone ka go tsisa didirisiwa tse di tlhokafalang mo ofising eo go dira gore dithuso di bonale motlhofo le gone gore ba kgone go inaakanya le mananeo a banana. Fa a tlatsa kgang eo, Mme Matlhogonono Kgotcha yo e leng morui wa dikoko tsa setswana, o kopile gore mmabanana wa kgaolo ya bone a fiwe koloi e a tla nnang a e dirisa go lekola dikgwebo tsa bone. O kopile tona go batlela mmabanana wa kgaolo ya bone mothusi ka a bolela fa a lebanwe ke tiro e ntsi ntswa a le nosi fela. Fa a tsibogela dingongorego tsa bone, tona o boletse fa a dumalana gore go nale tlhaelo ya didirisiwa mo diofising dingwe tsa puso mme a kaya fa seemo se tla a tokafala mo nakong e khutshwane. O gwetlhile banana go itshwaraganya le diofisi tsa puso dingwe le dingwe fa ba batla thuso , a bo a ikuela mo maphateng a mangwe a a nang le dikoloi go thusa a a senang tsone. Bokhutlo
society
9
Makhanselara ba ngongorega ka tiego ya ditlhabololo
Makhanselara a kgaolwana-potlana ya East mo Ghanzi ba ngongoregile ka tiego ya ditlhabololo tse di tshwanetseng go dirwa ka lenaneo la madi a dikgaolwana tsa botlhophi. Makhanselara a ntshitse ngongorego eo fa ba ne ba akgela mo pegong ya komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo mo phuthegong ya khansele potlana ya East bosheng. Makhanselara ba rile fa e sale madi ao a ntshitswe, ga gona sepe se se simolotsweng. Ba re e sale go twe go dirwa dithendara le gompieno ga ba itse gore di tsamaya fa kae. Ba kopile ofisi ya ga molaodi go emela kgang eo ka dinao ka gore ba tlhokana le ditlhabololo. Makhanselara ba ne ba kopa khansele le ofisi ya ga molaodi go tswa ka maano a a ka thusang ba ba tlhokang dikago tse ba ka berekelang mo go tsone dikgwebo tsa bone, thata mo toropong ya Ghanzi. Makhanselara ba supile fa bontsi jwa dikgwebo tsa banana di phutlhame ntateng ya mafelo a ba direlang teng, ba lopiwa madi a mantsi, ka jalo ba palelwa ke go duela. Ba ne ba kopa ba lephata la ditsela go baakanya ditsela ka gore ditsela tsa metse e mengwe ga di mo seemong se se siameng. Ba supa gape fa mo tseleng ya Ghanzi le Kuke, leruo le nna fela mo tseleng, mme le ka baka dikotsi. Makhanselara ba ne ba ngongorega ka matlo a a agelwang batlhoki gore ga a mo seemong se se siameng ka gore bontsi jwa matlo ao a ana, ka jalo ba kopa khansele go potlakela go baakanya matlo ao. Mokhanselara wa Grootlagte, Rre Ezekiel Kajuu o ne gape a ngongorega ka mananeo a lephata la bong gore dimausu tse di neng di neetswe batlhoki go itshetsa ka tsone ga di sa tlhole di bereka di phutlhame. Mokhanselara Kajuu o ne a batla go itse fa lephata la bong le sena leano lengwe go thusa batho bao go simolola dikgwebo tsa bone gape. A re o lemogile fa batho ba ba newang dithuso tsa dimausu, ba ne ba sa rutuntshiwa ka dikgwebo tseo, ke sone se se dirileng gore dikgwebo tsa bone diphutlhame. Mokhanselara Kajuu a re lenaneo la ISAAPAD le tsweletse sentle mathata ke gore batho ba santse ba sa tlhaloganye gore ba ka ipopa ditlhopha gore ba phunye didiba kwa masimo. Mokhanselara wa Newxade, Rre Jumanta Gakelebone a re ka maikaelelo le maikemesetso a puso ke go ntsha Batswana mo lehumeng, jaanong o ipotsa gore go diragala eng ka mananeo ao ka bontsi bo phutlhame ntateng ya gore ga gona theko kwa metseng. Mokhanselara Gakelebone o ne a kopa ofisi ya molaodi go tsenya thata leitlho mo dikgwebong tse dineetswe batho gore ba bone gore ke eng di phutlhama. Mokhanselara o ne gape a ngongorega ka mananeo a khansele, gore bontsi jwa one a na le mathata, mme bone e le khansele ba tshwanetse go emela mananeo ao ka dinao gore a kgone go bereka sentle. Mokhanselara wa Ghanzi Township Central, Mme Gakeolete Dikoma ene o ne a ngongorega ka modumo o o sa robatseng batho ba toropo ya Ghanzi. O ne a kopa molaodi go ba thusa ka gore ga a itse gore go na le diteseletso tse di fiwang boradibara gore ba letse go fitlhelela phakela. E rile mothusa molaodi, Rre Williama Keareng a araba dingongorego tsa makhanselara, a supa fa e le nnete ditlhabololo tsa madi a dikgaolwana a botlhopi di diegile, mme ba tlaa leka ka bojotlhe gore ngwaga o o tlang di simolole ka gore go ne gona le dikgwetlho dingwe tse di neng di dira gore lenaneo leo le diege go simolola. Rre Kaereng a re ka modumo o dumalana le mokahanselara ka jalo o tlaa kopana la ba ba lebaganyeng go fedisa modumo oo. Tse dingwe dikgang o supile fa ba tlaa di sala morago. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Mapodise a tlhotlhomisa loso
Mapodise a Mahalapye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe wa kgotla ya Tshikinyega kwa Mahalapye a fitlhetsweng a tlhokafetse. Monna yoo, go bolelwa a emeletse mo lwapeng kgwedi eno ya Moranang e le lesome le botlhano mo mosong, a kaya fa a ya go batla dilwana tse a di rekisang mo semausung sa gagwe kwa marekisetsong a Mahalapye, mme a ela ruri. O bonwe maabane ke mofeti le tsela kwa kgotleng ya Xhosa go bapa le polase ya Morale mme a begela ba sepodise. Mookamela mapodise a Mahalapye, superintendent Amos Kekgathetse a re, go supagala fa rre yoo a ikaleditse ka go fitlhetswe a akgega mo setlhareng. Rre Kekgathetse a re, go lebega rre yoo wa dingwaga tse di fa gare ga 30 le 35 a na le lebakanyana a ntse a tlhokafetse ka setopo sa gagwe se fitlhetswe se senyegile. Mo tiragalong e nngwe, banna ba le bararo ba dingwaga tse di magareng ga 27 le 28 ba bone dikgobalo tse di masisi morago ga gore koloi e ba neng ba tsamaya ka yone e amege mo kotsing fa tsela ya Mahalapye e kopanang teng le ya Kalamare. Borre bao botlhe ba bone dikgobalo mo tlhogong mme ba robaditswe kwa dikokelong tsa Marina le Nyangabwe. E ntse e le mo Mahalapye, rre mongwe wa kgotla ya Mowana o tseneletswe ke dilalome mo ntlong mme ba mo amoga dithoto tsa ntlo. Kwa motseng wa Taupye le gone go thubilwe mo sekolong se se botlana sa Moineedi mme ga utswiwa dikhompiutara. Rre Kekgathetse a re, ba tshwere bangwe go ba thusa ka ditlhotlhomiso mo tiragalong eo.Bokhutlo
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Katoloso ya sekole sa Mahupu e tsweletse 
sentle
Thulaganyo ya go godisa sekole sa Mahupu kwa Takatokwane go nna sengwe sa tse dikgolwane e tsweletse sentle mme go solofetswe gore sekole seo se amogele e le la ntlha baithuti ba mophato wa bone ngwaga o o tlang. Seo se tlhomamisitswe kemogolwane mo ofising ya thuto kwa Letlhakeng, Rre Ndineni Mbuso jaaka a ne alekodisa makhanselara a kgaolo-potlana ya Letlhakeng ka tswelelopele ya tiro eofa ba etetse sekole seo go lekola tiro. Rre Mbuso o supile fa sekolesa Mahupu e le sengwe sa dikole tse di kgethilweng mo Botswana go itebaganya lego godisa talente ya baithuti ba ba dirang sentle mo go tsa mabelo, metshamekole tsa botaki, ka jalo a supa fa go tlaa agiwa mabala a metshameko a boleng jobo kwa godimo fela thata. Rre Mbuso a re ka jaana ba itemogetse fa tlhaelo ya metsie le kgwetlho e kgolo mo kgaolong, ba tsweletse ka go dira maiteko a go phunyasediba mo sekoleng gore e re mo isagong fa sekole se se lebanwe ke tlhaelo yametsi go seka ga nna le kgoreletsego mo thutong ya bana. E rile a tswa la gagwe,mogokgo wa sekole seo, Rre Khan Masau a re bodiredi mo sekoleng bo eme malala alaotswe mo dipaakanyetsong tsa go amogela baithuti ba mophato wa bone, a kayafa bangwe ba setse ba etetse dikole tse dikgolwane di le mmalwa go ya go tsayamalebela. A re ba setse ba tlhamiledikomiti di le mmalwa go thusa mo dipaakanyetsong gore tiro e nne motlhofo. Osolofeditse fa e tlaa re mo bogaufing ba ikgolaganye le bogogi jwa motse lemorafe go tla go bua ka paka e sekole se tlaa e dirisang, mme ka jalo agatelela botlhokwa jwa tshwaragano magareng ga bodiredi jwa sekole le setshaba. Moemedi wa kompone ya RedEast Construction e e itebagantseng le tiro ya kago, Rre Dean Lin o supile gorelegato la ntlha la dikago tse le tlaa wela kgwedi ya Tlhakole mo ngwageng o otlang mme sekole se kgone go amogela baithuti. A re legato la bobedi ebile ele la bofelo lone le tlaa wela mo kgweding ya Ngwanaatsele ngwaga o o tlang. Mongwe wa makhanselara, RreTshabahule Kgotlhang yo e leng mokhanselara wa kgaolwana ya Ditshegwane/Maboanea re o kgotsofaditswe ke kgatelopele e a e bonang e e akaretsang go agiwa gamatlo a borutelo, a boroko jwa baithuti le a bodiredi mo sekoleng mme a supa faa na le tumelo ya gore e tlaa re mo ngwageng o o tlang sekole se kgone goamogela baithuti. O supile fa go godisiwa maemoga sekolo sa Mahupu, e le maiteko a mantle fela thata a puso ebile go tlaa sekego tswele banni ba Takatokwane ba le nosi mosola mme go tlaa thusa kgaoloyotlhe. A re baithuti ba kgaolo eo ba tsena kwa mafelong a a kgakala, selo se areng se paledisa botsadi go tshwaraganela thuto ya bana le barutabana. O kailefa jaanong batsadi ba tlaa kgona go lekola tiro ya baithuti gaufi. Modulasetilo wa khansele-potlanaya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi o supile fa le ene a itumeletse kgatelopeleya tiro eo mme a gwetlha ba-na-le-seabe botlhe go itoma molomo wa tlase le goabelana kitso gore tiro e seka ya imela ope mme e wele ka nako.
education
4
Borukutlhi bo tshwenya kgosi
Kgosi Piet Raditlhong wa Diagane kwa Mogoditshane o lela ka dikgang tsa borukutlhi jwa go kgothosa le go thuba matlo mo go golelang pele. Kgosi Raditlhong o boletse mo potsolotsong fa kgotlana ya gagwe e tsweletse ka go amogela dikgang tsa borukutlhi jwa go kgothosa batho mo mebileng A re batho ba tshabelelwa ke go kgothosiwa ka gore Diagane o mosha ka jalo ba fologa dipalamo tsa setshaba kgakajana le malwapa a bone. A re mo dinakong tse dingwe le tsone dipalamo di a tlhaela, mme ba patelesege go tsamaya sekgelenyana go tshwara mosepele kwa dipalamong tse di tswang Mmopane le Metsimotlhabe. Kgosi Raditlhong a re dikomiti tsa ntebele ke go lebele di phutlhame. Le fa go ntse jalo, o boletse fa erile bosheng a kopana le mapodisi go buisanya ka tsela e dikomiti tse di ka tsosoloswang ka yone. Go sa le foo, Kgosi Raditlhong o supile fa go thubiwa ga matlo go le gontsi thata. A re matlo a thubiwa bosigo le motshegare ka jaana banni bangwe ba bereka fa ba bangwe ba santse ba tlhabolola ditsha tsa bone. O boletse fa go tlhoka go tlhabolola ditsha dingwe go rotloetsa borukutlhi ka dilalome di dirisa matlo a a sa felang go iphitlha mo go one. Kgosi Raditlhong o kopile banana go sa nneng fela ka diatla gonne ba ka raelesega go dira ditiro tse di duleng mo tseleng. O rotloeditse banana go ithaopa kana go tsaya mananeo a ga goromente mme ba kgone go itshetsa.
crime_law_and_justice
1
Ba lebogetse loeto la ga tona
Batho ba Matlapana mo kgaolong ya Maun, ba lebogetse leeto la tona wa tsa pereko le selegae Rre Edwin Batsu ba re le ba butse matlho ka dikgang tse a neng a di ba baya pele. Ba buile jalo kwa kgotleng ya motse oo kwa tona a neng a buisa phuthego teng beke eno. Rre Olopeng Dobe a re tona o ba neetse mafoko a mantle thata a ba ntseng ba sa a bone gope a re badirelapuso ga ba tlhalose dilo jaaka tona a boletse. Rre Dobe a re seo se supa gore ba ntse ba sa tlhaloganye dilo di le dintsi segolo jang ka melao ya tsa khiro mme a re o leboga thata ka ba bonye thuto e ba sa bolong go e tlhoka. Rre Oarabile Johannes ene o ne a kopa tona gore go nne go dirwa dithuto tse di ka bulang batho matlho segolo jang ba kgaolo eno ka melawana ya tsa khiro. A re go sa ntse go na le dikampa dingwe mo makgobokgobong tse di kgokgontshang babereki mo go botlhoko. O tsweletse a re bone batho ba ba kgokgontshiwang ba ga ba ntshe dipego dipe ka tota go lebega ba sa ntse ba sa tlhaloganye go le gontsi ka ditshwanelo tsa bone. A re mo nakong ya gompieno dikampa dingwe di sa ntse di na le melao ya gore babereki fa ba tla go tsaya dipilisi tsa bone tsa diritibatsi ba ipege mo difofaneng tsa bone. A re go dira jalo go baka gore batho bao ba berekele madi a difofane fela mme seo se dire gore fa ba tla gae ba bo ba tla ba sa tshola sepe mme a re fa ba ka rutwa ka melawana ya tsa pereko gongwe go ka nna botoka. O bile a kopa tona gore nako nngwe a tle a etele dikampa tse di mo makgobokgobong go bua le babereki ba gore le ene a tle a utlwe mathata a ba nang nao. Rre Aron Sitilo o ne a ngongorega ka medumo e a rileng e bakiwa ke barekisi ba nnotagi e se ka fa molaong. A re medumo eo e dira gore le maduo a sekole sa motse wa bone a wele tlase ka bana ba nna fela koo. Fa a ba kgwa dikgaba, tona Rre Batsu a re o dumela fa dithuto tsa pereko di le botlhokwa thata. O tlhalositse fa dikgang di tshwana tsa medumo mo motseng e le tsa lekalana la tiragatso molao la khansele mme a gakolola gore batho ba ne ba bega medumo eo kwa mapodiseng. A re ene o lemogile fa batho ba tshaba go bega ka mokwalo mme a re seo se dira gore dikgang tsa bone e nne ekete ga di a buiwa. Ka dikgang tsa bo Omang ba ba busiwang, o dumela fa botsadi jo bo a bong bo setse le bana ka nako eo fa batsadi ba le kwa ditirong e le jone bo sa ntsheng bosupi jo bo tlhamaletseng. BOKHUTLO
society
9
Tshwarang ka thata - Mokwena
Mothusa mmatoropo wa Lobatse, Rre Francis Mokwena a re boikarabelo jwa go ruta bana bo na le maduo. Rre Mokwena o buile jalo kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la barutabana kwa Lobatse Seetebosigo a tlhola gangwe. O tlhalositse fa barutabana ba lebanwe ke dikgwetlho jaaka go aga tshaba ya lefatshe le isago ya bana le fa bone bana ba inaakantse le tiriso botlhaswa ya dino le ditagi. A re ba amogela dipego tse dintsi tse di supang gore baithuti ba tshosetsa barutabana matshelo, mme barutabana bone ba leka go lwantsha lehuma le letlhoko la ditiro ka go ba fa dithuto. Rre Mokwena a re maikaelelo a barutabana ke go nna sekao mo lefatsheng, ka mongwe le mongwe a tswa mo diatleng tsa bone. E rile a tswa la gagwe, go tswa kwa lekgotleng la barutabana (BOSETU) mokwaledi kwa dithuto tse di kwa tlase Rre Othusitse Dibotlhale, a re barutabana ke megaka ya khumo ya lefatshe, e bile ba tshwanetse go ipelela letsatsi la bone. Rre Dibotlhale a re thuto ya lefatshe leno e kgonwa ke barutabana, le ntswa ba aparetswe ke dikgwetlho di le dintsi. O tlhalositse fa barutabana ba kotlometse maikutlo ke diemo tse ba iphitlhelang ba le mo go tsone di tshwana le go tlhoka go tlhatlosiwa maemo, le go tlhoka go tsewa ka tekatekanyo, letlhoko la boroko le matlo a borutelo a a mo diemong tse di sa siamang, go tlhorontshiwa ke baithuti ka dipuo le go ba itaya. Le fa go ntse jalo, Rre Dibotlhale o ne a ba kgothatsa gore le fa ba na le dikgwetlho di le kalo, ba seka ba ipona tsapa, a tlatsa ka go re kwelo tlase ya maduo e a tshwenya. A re le fa go ntse jalo, puso e lemogile gore ga go na sepe se se ka tswelelang ntle le barutabana. Ka jalo o ne a kopa barutabana gore fa ba batla ditshwanelo tsa bone mo pusong, ba nne le boitshwaro jo bo amogelesegang, mme e bile ba itse gore lekgotla la bone le ba eme nokeng. BOKHUTLO
education
4
Banni ba ne ba itshware sentle
Mogolwane wa mapodisi a Orapa Superintendent Kabo Badirwang a re le mororo banni ba kgaolo ya gagwe ba ne ba itshwere sentle ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha mme ba gatisitse melato e mebotlana. Superintendent Badirwang o boletse gore ba gatisitse melato ya batho ba ba nwelang bojalwa mo mekgwatheng ba le lesome le boraro , ba ba fitlhetsweng ka motokwane ba le batlhano fa ba go tlhoka go itshwara sentle ba robabongwe. O tsweletse a re mo melatong ya tsela ba gatisitse ya batho ba ba neng ba tsamaya ka lebelo le le kwa godimo ba le lekgolo le masome a mararo le borobabobedi, ba ba kgweetsang ba sena diteseletso ba robabongwe, ba ba sa tsenyang mabante a pabalesego ba le lesome fa yo o fitlhetsweng ka selekanyo se se kwa godimo sa bojalwa a le mongwe fela . Superintendent Badirwang a re ba lemogile gore bagwebi bangwe ba bojalwa ga ba sale morago melawana ya thekiso ya bojalwa, a supa fa bangwe ba ne ba tswalela bareki mo marekisetsong a bone gore ba tswelele ba reke. Le ntswa go le jalo, Superintendent Badirwang o lebogile mapodisi, macluster le ba ntebele ke go lebele ba kgaolo ya gagwe go bo ba ne ba bereka ka natla go hema borukutlhi. Mo go tse dingwe, mogolwane wa mapodisi a Rakops Superintendent Makgope Oageng o boletse fa monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa wa kgotla ya Kopo gone kwa motseng oo a ikgapetse botshelo ka go ikaletsa mo ntlong morago ga gore a tlhoke kutlwisisano le mokapelo wa gagwe . Superintendent Oageng o boletse gape gore go nnile le kotsi e mo go yone mosadi wa dingwaga tse di masome a matlhano le bosupa a thudilweng ke koloi ya ba ya mo roba leoto mme o tlhalositse fa ba belaela gore mokgweetsi wa koloi eo o ne a tsamaya ka lebelo le le kwa godimo. Superintendent Oageng a re ba gatisitse melato ya tsela ka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha e akaretsa go dirisa dikoloi tse di sa itekanelang, go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo gammogo le go kgweetsa motho a sena teseletso ya go kgweetsa. BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
Bagodi ba leboga Maranatha
Bagodi ba Francistown le mafelo a a gaufi le toropo eo ba ba amogelang madi a tandabala kwa posong ya Francistown, ba opetse ba mokgatlho wa Maranatha Help Centre legofi ka thuso e ba e ba fang, ya go ba isetsa dijo kwa posong. Mongwe wa bagodi bao, Rre Ontiretse Montsho a re o itumela thata ka tiro e ntle e e dirwang ke ba mokgatlho oo ka o ba fa seriti. Rre Montsho o buile jalo mo potsolotsong fa maloko a mokgatlho wa Maranatha Help Centre a ne a ba iseditse dijo kwa posong ka letsatsi la dikamogelo. A re go le gantsi fa ba ya kwa posong ba phakela thata mme ba tlhoke le yone nako ya go bona tse diyang maleng ka ba a bo ba gopotse mela e meleele ya dikamogelo. Rre Montsho a re ba mokgatlho wa Maranatha Help Centre ba tswelele ka lerato le tlotlo e ba e fang bagodi, a tlatsa ka gore ba tla segofala ka ba dira thato ya Modimo ka gonne ba setse morago molao o o reng tlotla mmago le rrago gore malatsi a gago a okediwe mo lefatsheng. Mme Itani Maseko wa Tsamaya le Mme Florah Mapeta wa Jamataka, ba boletse gore dijo tseo di botlhokwa ka jaana ba tswa kwa malwapeng a bone phakela thata gore ba tle go nna ba ntlha kwa posong. Ba re tlala e inaakanya le bone fa ba ise ba thusiwe mme go sena se ba ka se jang le one madi a go reka dijo tota a seo. Jalo he, ba bolela fa dijo tse ba di fiwang ke ba mokgatlho o di le mosola thata, e bile ba akgola ba bo ba rotloetsa maloko a Maranatha Help Centre go tswelela ka mowa oo wa lorato, ba tlatsa ka gore ba tla segofala ka gotwe go sego letsogo le le abang go nale le le amogelang. Mme Kereeditse Mpoloka wa dingwaga tse di masome a ferabongwe le boraro, ene o boletse fa a itumetse fela thata ka dijo tseo, a re ke tiro e ntle go bona bagodi e se morwalo wa puso fela mme go nale bangwe ba ba supang fa ba kgathala ka bone. Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa mokgatlho wa Maranatha Help Centre Mme Mamcy Victor a re ba isetsa bagodi dijo tseo mo diposong tsotlhe tse di mo Francistown. Mme Victor a re ntswa mokgatlho o o le mosha go tlhamiwa, dikgwetlho tsone di teng jaaka letlhoko la madi, a ba a kopa dithuso mo setshabeng ka kakaretso gore ba tle ba kgone go thusa bagodi botlhe mo Botswana. O tlhalosa fa ba se bantsi mo mokgatlhong oo mo ba ka sekeng ba fitlhelele diposo tsotlhe ka letsatsi le lengwe fela. Mme ba bone gore ba ise dijo kwa diposong ka malatsi a a farologaneng. Mme Victor a re mokgatlho oo o simologile kwa Francistown mme ba batla o anama le lefatshe lotlhe mo isagong. BOKHUTLO
society
9
Lephata le abetse balwetse merogo
Badiri ba lephata la dikoloi (Central Transport Organisation) kwa Tutume ba abetse balwetse ba kokelo-potlana ya Tutume merogo. Modulasetilo wa komiti ya botsogo mo lephateng leo, Rre Itireleng Mapondo a re merogo eo ba ne ba e lema gore ba tle ba e je ka ebile ba botsogo ba rotloetsa batho go ja merogo go oketsa dikotla mo mmeleng. Rre Mapondo a re ba ile ba lemoga fa go na le batho bangwe ba ba tlhokang go ka a ja merogo bogolo jang balwetse ba ba kwa kokelong ba lebile gape gore le bana bangwe ba ka tswa ba tlhaela dikotla mme ba bona go tshwanela gore ba kgetle bonyenyane jo ba nang najo ba ngathogane le batho bao. A gatelela ka gore sejo sennye ga se fete molomo, ka bonye jo bokalo setshaba se tlaa kgona go lemoga fa ba sa itebaganya le go baakanya dikoloi fela mme ba tshwenyega ka botsogo jwa batho. A re gape ba ne ba le mo moonong wa go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba ya 2016 ya setshaba se se kutlwelobotlhoko se se tlhokomelang batho botlhe. Fa a amogela mpho eo mo boemong jwa botsamaisi jwa kokelo eo, Mme Bekezela Gilika o ne a lebogela badiri bao tiro e ntle e ba e dirileng. Mme Gilika a re ba ba butse matlho ka ba ntse ba le mo maikaelelong a go lema tshingwana mo kokelong mme maiteko a bone a nna a itaya se fololetse. A re ba kopa go ngathogana le bone botsipa jwa gore bone ba kgonne jang go tsweledisa toro ya bone ya ba ya atlega ka ebile le merogo ya teng e ne e rothisa lethe e kgatlhisa thata. O ile a ba gwetlha go ikopanya le baduladitilo ba dikomiti tse dingwe tsa botsogo tsa maphata a mangwe mme ba dire komiti e tona e e tlaa bong e okametse kgaolo. A tlhalosa fa lephata la botsogo le na le thulaganyo ya go thusa komiti ya go tshwana le eo ka madi go tsweledisa mananeo a ba nang le one. BOKHUTLO
health
6
Ditholo di inisa banni ba Masingwaneng ka je
Banni ba Masingwaneng kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba re ga robatswe ke ditholo tse di uputsang masimo a bone. E rile ba bua kwa phuthegong ya kgotla e neng e buisiwa ke mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Biggie Butale bosheng, ba tlhalosa fa ba ne ba lemile mo go kgathisang mme e ne ya re dijwalo di gola ditholo tsa dira go swela. Banni ba kaile fa ditholo di tlola terata e ageletseng masimo mme di lale mo masimong a bone bosigo jotlhe. Ba re se se utlwisang botlhoko ke gore tshenyo e ke selo modiro ngwaga le ngwaga mme ga ba nke ba atswiwa ka sepe. Ba re ba santse ba tshegeditse ngwao ya go lema mme ditholo di ba tsenya mowa wa itlhobogo. Bangwe ba buile fa mo dingwageng tse di fetileng ba kile ba bo ba lema thata mme ba robe thobo e nametsang mo ba neng ebile ba rekisetsa baba sa lemang. Mo go tse dingwe banni ba re ba tshwenngwa ke leobo la kgotla ya bone le le tserweng ke phefo ngwaga o fetileng o fela mme ga ba bone thuso epe. Ba ne ba supa fa mo nakong ya gompieno ba tshwarela diphuthego ka fa tlase ga ditlhare tse di mo kgotleng. E rile a tsibogela matshwenyego a, mogolwane wa lephata la diphologolo le makgabisa naga kwa Masunga, Rre Malatsi Mamane a rotloetsa banni go lwantsha ditholo ka e se diphologolo tse di borai. O kopile banni gore fa ba kopana le ditholo tse kwa masimong a bone, ba di bolae mme ba itsise kgosi yo le ene a tla bitsang lephata la diphologolo le makgabisa naga. Rre Mamane a re balemi ba nne ba ya masimong le dintsa tsa bone segolo bogolo ka nako ya maitseboa go emela ditholo tse. A re dintsa di tlaa kgona go ba thusa go batla kwa ditholo di nnang teng gore ba kgone go di leleka. E rile a araba banni mabapi le leobo la kgotla, mokwaledi wa makgotla a Setswana, Mme Sinikiwe Matiha a supa fa go baakangwa ga maobo a kgotla go le mo maruding a morafe. A re disanke tse di neng di ruletse leobo di sa senyega tsotlhe ka jalo morafe o ka di dirisa go busetsa leobo mo seemong. Mme Matiha o ne gape a kopa banni go akanyetsa leobo le mo mading a ditlhabololo a dikgaolwana.
society
9
Go obamela matshwao a tsela go boloka matshelo
Kgosi Kgabosetso Mosielele wa Moshupa o tlhalositse fa boikokobetso le bopelotelele e le magata mmogo mo bogosing. O buile seo fa go tlhongwa kgosi wa tetlanyo, Rre Diseko Banyatsang, wa kgotla ya Marannye kwa Moshupa bosheng. E rile Kgosi Mosielele a baya Kgosi Banyatsang lefoko pele, a mo rotloetsa go tsamaisa tiro ya gagwe ka mowa wa boineelo le lerato ka jaana tsela ya bogosi e le ee mitlwa. “O seka wa bo wa fa ditshele, ditshebo le ditlontlokwane tsa morafe sebaka sa go tsena mo tirong ya gago lecmo go tseeng ditshweetso tse di maleba jaaka moletlanyi, tse tsotlhe ke baba ba bogosi. Go di fa sebaka go ka go tlhokisa boikarabelo mme wa iphitlhela o le mo matswakabeleng a botshelo,” Kgosi Mosielele o ne a tlhalosa. O ne gape a gakolola Rre Banyatsang go ntsha modimo botshabelo jwa gagwe, a tlhalosa fa gole gantsi bangwe ba tshabelelwa ke go supa le go leba magosi ka leitlho le le ntshotsho tebang le gore ditshwetso tsa lekgotla di bo di ba baya ka fa mosing le ntswa di le maleba. A re ka jalo kgosi o tshabelelwa ke go bitswa maina a bo a fetolwe maba ke bao ba amaegang, mme fela a mo gakolola go ikanya thapelo. Kgosi Mosielele a re le fa diemo dingwe di ka mo gogomosa maikutlo, fela a itse gore thipa e sega molweetsi wa yone, ka jalo a nne bonolo le boikokobetso ka dinako tsotlhe go itsa go dirisa maikutlo a a sa welang mo tirong. E rile a itebaganya le morafe a ba lebogela go sala morago tsamaiso ya neelano ya bogosi. A re bogosi bo a dibelwa le go ilelwa ka jalo fa go tlhophiwa kgosi, pele dikgang tsa bogosi di buelwa pele mo ntlong, e re morago kgang e tswele kwa ntle go itsisiwe ba ba maleba kwa godimo. O tlhalositse fa tsamaiso eo e salwa morago fela jalo go boela tlase gore go dirwe tumalano ka yo o maleba yo morafe o mo itlhophetseng go fitlhelwa a bo a tlhomiwa. A re eo ke tsela ya go dibela le go ilela bogosi. O tlhagisitse morafe go itse gore molaa kgosi wa bo a e itaela, ka jalo a lopa morafe go dirisana le Rre Banyatsang ka tshiamo. E ne yare fa a tswa la gagwe motshwarelela bogosi jwa bakgatla Kgosi Oscar Mosieelele a iteela kobo moroko mo mafokong a ga mogolowe Kgosi Kgabosetso Mosielele tebang le neelano ya bogosi. O lebogile banni ba kgotlana ya Marannye a re seo se fa bogosi seriti le tlotla e e maleba. A re go le gantsi gona le gore bangwe ba nyatse magosi le ntswa morafe e le one o ba romileng. O tsweletse a re sedibeng go iwa ka tsela, ka jalo a gakolola morafe go itse gore dikgang dipe fela tsa tetlanyo di simolola kwa makgotlaneng a bone pele ga di kaya go goroga kwa lekgotleng le legolo.
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Thapelo ke makgonatsotlhe
Moeteledipele wa kereke ya Keresete Motswedi Catholic, Bishop Valentine Seane o kopile balatedi ba kereke eo mo Kgalagadi Borwa ggo rapela ka thapelo e le yone makgonatshotlhe mo tharabololong ya dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo botshelong. Bishop Seane o buile se mo pulong semmuso ya lefelo la Grotto le tlhomamiso ya barongwa ba ga Keresete mo kerekeng ya Kreste Motswedi Catholic e e itsegeng ka leina la Roma ka Tshipi mo Tsabong. Moeteledipele wa kereke ya Keresete Motswedi o supile fa lefelo leo le tshwanetse go tlotlwa thata le gore balatetedi ba kereke eo ba tshwanetse go le obamela le go le dirisa ka tlotlo e e kwa godimo ka dinako tsotlhe. Fa a tlhomamisa barongwa ba ga Keresete ba ba neng ba le masome mararo le borataro ba ba neng ba sa tswa go fetsa dithuto tsa barongwa ba ga Keresete mo kerekeng eo, o ba tlhaloseditse fa e le tshimimologo ya go rongwa go dira tiro ya Modimo. O ne a ba gakolola go ikokobetsa go ineela le go direla Modimo ka pelo yotlhe le lorato ka go rera lefoko la gagwe jaaka e tlaa bo e le badisa, bagogi, bagakolodi ba basha, a kaya fa poifo Modimo e le tshimologo ya botlhale. Bishop Seane, yo o neng a etetse kereke eo a patilwe ke baruti le bosister ba kereke eo ka e ne e le letsatsi la Sabata, o ne a etelela pele tirelo ya tshipi ya letsatsi leo, go jesa selalelo, go segofatsa basupi ba tlhwatlhwa ba ga Keresete le gone go bula semmuso lefelo la Grotto. Fa a araba dikopo tse di fetileng mo kerekeng eo, moeteledipele wa kereke ya Keresete Motswedi o ne bolela fa kereke ya Makopong, Khuis le Kolonkwaneng di tlaa agelwa ditempele tse disha le gore Tsabong le Middlepits tsone di tlaa ntshafalediwa matlo a kobamelo monongwaga. Modulasetilo wa bomme ba ga Marea Mmajesu, Mme Kelelelo Tumaeletse o tlhalositse fa lefelo la Grotto le fitlhelwa fela mo kerekeng ya Keresete Motswedi mo lefatsheng leno le a a kwa ntle. Mme Tumaeletse a re ka ditso tsa kereke ya Roma, lefelo leo le tlotlwa thata ka go obamelwa Marea Mmajesu e bile ba dumela gore tsotlhe tse ba lopang fa ba fetisa dithapelo ka ene di tlaa goroga le go arajwa ke morwawe ebong Jesu Keresete. O kaile fa lefelo la teng le obamelwa, go tlotlwa le gore ga le a tshwanelwa go tsosediwa modumo. O ne a gwetlha balatedi ba kereke ya Roma go tswa mo mafelong a a farologaneng go tla go rapela mo lefelong leo nako nngwe le nngweka tsholofelo e le gore dikopo tsa bone tsotlhe di tlaa arajwa fa ba na le tumelo. Mo mafokong a gagwe a tebogo, modulasetilo wa komiti ya Pastoral Parish Council mo kerekeng eo, Rre Thato Tumaeletse o tlhalositse fa e ne ya re ka 2014 e le ba phuthego ya kereke eo ba tswa ka mogopolo wa go aga lefelo la thapelo la Grotto ka ba ne ba lemogile fa le le botlhokwa. Rre Tumaeletse o boletse fa gareng ga dikgwetlho tse ba kopaneng le tsone e ne e le letlhoko la madi, tebego ya Grotto le gore dingwe tsa didirisiwa tsa kago di ne di se yo mo madirelong a dikago mo Botswana mme ba patelesega go di latela kwa ntle. O ne a leboga phuthego ya kereke eo ka boithaopo le lorato jo ba neng ba bo supile ka go koleka didirisiwa mo kagong eo gareng ga tse dingwe e leng dikgetsana tsa semente, ditena, le matlapa. Rre Tumaeletse o ne a phophotha legetla mongwe wa maloko mo kerekeng eo yo o neng a ithaopa go ntsha mpho ya sehikantswe sa ga Mme Marea Mma Jesu se e leng sone se tlotlomatsang le go kgatlhisa mo kagong ya Grotto se a tlhalositseng fa a se rekile kwa India. Rre Tumaeletse o ne a kaya tiro e kgolo ya komiti e a e eteletseng pele e le go buisana ka ditlhabololo tse di tshwanetseng go dirwa mo kerekeng, go phutha le tlhokomelo ya madi le gone go tshereganya mo dikgannyeng dingwe tse di ka tlhagogang mo kerekeng. Mo letsating leo diphuthego tsa Romago tswa Tsabong le mafelo a a mabapi di ne tsa abela Bishop Seane dimpho tse di akaretsang dijo, dino-tsididi, le madi e le tsela ya go mo leboga. BOKHUTLO
religion_and_belief
8
Ba Mokobaxane ba lebogela mananeo
Banni ba motse wa Kedia mo kgaolong potlana ya Boteti ba lebogela mananeo a puso, a a karetsa Ipelegeng, matlo a batlhoki ale matlhano, matlwana a boitiketso mo kgotleng a le mabedi le mananeo a mangwe a a tsweletseng a dirwa. Ba buile jalo kwa phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke Tona wa Dikgaolo Le Tlhabololo Magae yo gape eleng Mopalamente wa Boteti Bophirima Rre Slumber Tsogwane bosheng ko motseng oo, ba re motse wa bone o lesego fela thata mo dithusong . Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) Mme Changu Malindi o ne a lekodisa Tona ka dilelo tsa bone ,a re ba kopa go okeletswa diofisi tsa kgotla, a be a tlhalosa gore tse ba di dirisang gompieno di mosuke oo dirang gore tiro e kgoreletsege ka jaana,e bile go sena sephiri ,tlhaelo ya boroko ja badirelapuso,go okeletswa ga kokelwana,le koloi ya kokelwana,tlhaelo ya bodiredi , barutabana ,bokenti ,molemisi o thusa metse e meraro gape a sena koloi. Mme Malindi one gape a supa fa ba tshwenngwa ke tiego ya go arabiwa ga dikopo tsa bone tsa metsi ga koporase ya metsi Water Utilities,le metobetso e e kgakala le banni bangwe.Mongwe wa banni Rre Letsogile Ngalang o boletse fa ba sa bolo go solofeditswe gore motobetso o mongwe oo neng o tswetswe o tla bulwa mme nako kgolo e le eno. Rre Lekuetswemang Galekhutle one a ngongorega ka mophako a re ga otle ka nako ,ebile o tla o kgaogane,phaleche e tla pele mme seshabo se goroga morago . Banni ba ne gape ba supa letshwenyego la go tlhoka go thusiwa ga bana ba bana-le-bogole ,le ntswa puso e rile ba ntshiwe ka fa morago ga matlo,ba supa gore ba kopile thuso ka tsela tsotlhe mme ba sa e bona. Mogolwane wa boipelego Mme Favwrite Phumusa one a supa fa a tlaa sala morago kgang ya mophako,a tlhalosa fa maitlamo a bone, ele gore batho ba phakisiwe dijo tsa bone malatsi a supa a kgwedi e simolola. Mogolwane wa koporase ya metsi Rre Mmothi Segale o boletse fa mabaka a go diega ga go gokela metsi ele go hekeetswa ke dipalo tsa baikopedi ,le megala ya baikopedi ee sa tseneng. Tona Tsogwane o boletse fa puso e na le thulaganyo ya go ba tsisetsa metsi ,a kgothatsa ba koporase ya metsi go ema ka dinao go diragatsa thulaganyo e .Ka tlhaelo ya boroko ja badirelapuso o kaile fa kompone ya matlo e solofeditse go aga matlo a badirelapuso. Tona one a ba itsise gore maikaelelo ke gore lenaneo la koloi ele nngwe motse le motse le akarediwe mo kabong ya madi ee tlang,le gore dilelo tsa bone ga difelele gone foo,a re tse disa rarabololweng ke maphata o tlaa di fitisetsa ko go ba ba lebaneng. Tona o ne a kgothatsa batsadi go kopanela thuto ya bana le barutabana , ba tsene diphuthego tsa batsadi le barutabana ,le go etela ko sekole go bona tiro tsa sekole tsa bana ba bone . E rile a fa malebo Mokhanselara wa kgaolo ya Mokoboxane Kedia Rre Orapeleng Dikgang a leboga tona go bo a ba lekotse, go tla go ba lekodisa ka tsa Palamente ee fitileng, go ba amogela le bone ba mo amogela mo kgaolong e ncha le ngwaga o mosha . BOKHUTLO
society
9
Seloma o bolokilwe
Mothusa tona wa pele, Rre Pelokgale Seloma o bolokilwe kwa Pilikwe ka Tshipi. Rre Seloma e ne gape a kile a nna mopalamente wa Tswapong Borwa le go nna moemedi wa lefatshe leno kwa mafatsheng a mangwe. Bo tautona ba pele, Rre Festus Mogae le Sir Ketumile Masire, motsamaisa dipuisano tsa palamente wa pele, Rre Ray Molomo, le motshwarelele bogosi jwa ga mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane, ba ne bale fa gare ga matshwititshiti a a neng a tsile go robatsa Rre Seloma. Dibu di tlhalositse fa Rre Seloma a ne a rata batho, a le maitseo, boineelo e bile a na le lerato la go direla batho jaaka ane a supa ka nako e aneng ele moemedi wa Tswapong Borwa. Rre Kagiso Seloma o ne a tlhalosa fa a rraagwe a ikhuditse mo dithabing. O ne a supa fa tumelo ya ga rraagwe e le yone e neng ka nako tsotlhe e mothusa go emelana le ditlhabi tse dineng di galaka, le gore bolwetse botsere lebaka le leleele. Moswi Seloma e ne ele seopedi, ebile ele lepolotiki la motia, seo se sa mo lebatse se gabone, morero, therisana le tlotlo mo batsalwa le ene le mo go mongwe le mongwe yo oneng a dira le ene. Moswi ene ele seithati, setswerere sa puo le kapari, ke sone se seneng sa dira gore lefatshe leno le morome gongwe le gongwe le sena poifo. Kgosi Tiro Sebusang one a mo gakologelwa ka ditiro tsa gagwe a supa fa ene yare ka nako e aneng a neetswe maemo a bothusa tona mo lephateng la temo thuo, gone ga tlhagoga bolwe ja tlhako le molomo kwa borwa mme a rongwe go ya go buwa le batsadi, ka gotswe bonolo boreba bogale, batsadi bakokobela morago ga go buwa le bone ka bonolo jo mongwe le mongwe aneng a mokaa ka jone. Mogwegadi, Rre Peter Molosi one a kaya fa Rre Seloma e ne ele motho yoo o ratang batho thata, mme a supa ka gore ka nako ya ene Rre Molosi a santse ale mo lephateng la thuto, ba ne ba seke ba ngongoregela tiego ya dibuka, ka nako eo one are mo go ba barekisang dibuka,be direkisetse lephata la thuto. Ene ele motho yo osa itebelelelng boene ja gagqwe ka ane a ikaegile that aka modimo, mme ele ruri a direle setshaba ka botswapelo. Maemo a a neg ale mogo ene one a sa ikgogomose, one a a dibetse ka setho sa gagwe. Mo boemong ja puso gone gole teng Tona wa Dikgaolo le Thabololo Magae Rre Slumber Tsogwane, yo le ene aneng a iteela kobo moroko ka botho jaga Rre Seloma gore ene yare go gorogeng kwa Palamenteng, ba gorosiwa ke bobegadikgang ka mafoko a a reng “Shooting from the hip” mme ene moswi a ba amogela ka lerato le le seng kana ka sepe le go ba godisa mo dipolotoking. Rre Tsogwane are ene ele mogakolodi mo dipuisanong tsa palamente, ele mokaedi, seo sa tisa trshepho e tona mo go bo tautona ba nako eo gore ba morome kwa aneng ale teng pele a thokafala. Mo boemong jaga Tautone Moplamente wa kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami Dorcus Makgato one a bala molaetsa o oneng otswa kwa go Tautona wa Lefatshe leno gore ele ruri balatlgetswe ke senatla, , mme wa tlhalosa fa a tlogetse motlhala mo godireleng setshaba ka boineelo, lerato le bonolo, ana le mowa wa neelano le wa tlotlo. BOKHUTLO
society
9
ESP e tlaa thusa go tlhabolola matshelo
Mopalamente wa Molepolole Borwa, Dr Tlamelo Mmatli, a re lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le diretswe go tswakanya itsholelo le go tlhabolola matshelo a Batswana. Rre Mmatli, yo a neng a bua mo phuthegong ya kgotla kwa kgaolwaneng ya Lephaleng kwa Molepolole, a re batho ba tshwanetse ba tsaya lenaneo leo ka tlhwaafalo ka jaana le tsile go tlhabolola matshelo a bone. A re dingwe tsa ditiro tse di tlaa dirwang ka lenaneo leo ke go itebaganya le temo-thuo, tlhaelo ya dikago tsa matlo a borutelo le matlo a boroko a barutabana, go tlhama ditiro le tse dingwe, a re tsholofelo ke gore beng gae ba nne le seabe mo lenaneong leo. Mo dikgannyeng tse dingwe, mopalamente o ne a tlhalosa fa go dirwa ga mesele ya kgopho ya metsi a a leswe kwa Molepolole mo go neng go solofetswe, jaanong go emisitswe gore e rulaganngwe sesha. A re Molepolole ke motse o motona o o tshwanetseng ke go bo o na le madirelo a matona mme sekgoreletsi se se busetsang ditlhabololo kwa morago ke mesele ya metsi a a leswe. Lefa gontse jalo o kopile banni go nna pelo telele ka gotwe tsholofelo ga e tlhabise ditlhong. Mo dikakgelong tsa bone, banni ba Lephaleng ba kopile mopalamente wa bone go emela motse ka dinao gore le one fela jaaka metse e mengwe e metona o sole molemo lenaneo la ESP. Mongwe wa banana, Lucky Ditue ene o kopile gore makalana a CEDA le LEA a phuthe banana go ba ruta ka ditirelo tsa makalana a bone ka jaana banana ba saletse kwa morago ka go dirisa mananeo ka bontsi ka ntata ya tlhaela kitso ya go itshimololela dikgwebo. Ba bamgwe ba tlhalositse fa lephata la bong le solegela molemo fela bomme fa go tla mo go thuseng batho ka mananeo, fa borre bone le ba iteela kwa ntle. Mme Owageng Senoge ene o kopile puso go tsaya tsiya komiti e e tlhokomelelang balwetse kwa malwapeng ka go ba neela dikatso fela jaaka dikomiti tse dingwe tsa motse. A re ka boithaopo ja bone ba dira tiro e tona fela ya go tsamaya mo malwapeng ba lekola balwetse le go tlhomamisa gore ba bona tsotlhe tse ba di tlhokang. A re lemme le ba le neelwang la mosepele wa go tsamaya mo malapeng le tla morago ga dikgwedi tse tlhano.
society
9
Lekalana la thuto le akgotswe
Lekalana la thuto ga e golelwe mo Ghanzi le akgoletswe go fa Batswana thuto ka botswerere le bonokopila. Se, se builwe ke moemedi wa lekalana la LEA mo Ghanzi Rre Mogotsi Morewanare ka Laboraro kwa moletlong wa go ipelela beke ya go bala le go kwala. Rre Morewanare o ne a gakolola baithuti gore e re fa ba ipelela beke ya go bala le go kwala, ba gakologelwe gore go ithuta ga se go bala le go kwala fela. A re mo bogompienong, go ithuta go tswakanya dithuto jaaka go dirisa maranyane a segompieno mme maikalelo e le go aga bokamoso jo bo botoka. Rre Morewanare o tsweletse ka gore dithuto tse di tlwaelesegileng e le tsa go bala le go kwala di tshwanetse tsa nonotsha baithuti go emela dikgwetlho, ditlhabololo le diphetogo tse di tlang le isago. A re se, se ka thusa thata go aga baithuti ditlhaloganyo gore ba seka ba palelwa ke sepe fela se sesha mo isagong. Beke ya go ipelela go bala le go kwala e ne e ketekwa ka setlhogo se se reng “ Go Dirisa Se re se Ithutileng go Betla Bokamoso.” Rre Morewanare o ne a gatelela fa setlhogo se se supa gore go mosola gore batho ba tshele ka go gola mo dikitsong le go nonotsha tlhalefo ya bone. O ne gape a re moletlo wa go ipelela go kwala le go bala ke phitlhelelo gape mo lefatsheng la Botswana e bile e le sengwe se se tshwanetseng sa akgolwa. O ne a tlhalosa gore lekalana la Thuto ga e golelwe jaaka maikaelelo a lone e le go emelelana le dikgwetlho tsa metlha ya sesha le tshwanetswe la akgolelwa tiro e ntle ya lone. A re dikgwetlho jaaka lehuma, tiriso botlhaswa ya bana le go tswa mo dikoleng ga bana; ke tsone tse di rotloetsang lekalana la Thuto ga e golelwe go naya ba ba sa atlegang mo dithutong tsa bone mo dikoleng dingwe tsa dithuto tse ba ka itshetsang ka tsone. Dithuto tse di tshwanang le go tlhotlheletsa kitso ka kgwebo gore Batswana ba kgone ba ikinole mo lehumeng, dithuto tse di neelang baithuti sebaka sa go fetsa dithuto tsa bosupa le tse dingwe. Rre Morewanare a re thuto mo metlheng ya gompieno e botlhokwa fela thata ka gore ga go motlhofo go fitlhelela sepe kwa ntle ga yone. A tlhalosa gore thuto ke tshwanelo ya mongwe le mongwe mme a re e rotloetsa boleng jwa batho e bile e fokotsa dipharologano fa gare ga batho. A re ka thuto batho ba kgona go aga le go tshegetsa setso mme ba amogele gore ba ka kgona go tshedisana sentle go sena diphapaang le ntswa ba farologana ka setso le ngwao.
education
4
Ba kopilwe go direla bana Omang
Banni ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume ba kopilwe go kwadisa bana ba bone go nna le Omang fa dingwaga tsa bone di setse di letla gore ba ka tsaya Omang. Fa a buisa phuthego kwa kgotleng, Kgosi Mpelo Magapatona o tlhalositse fa batsadi ka bontsi ba santse ba saletse kwa morago mo go kwadisetseng bana go tsaya Omang. O supile fa bana ka bontsi ba sena Omang ntswa dingwaga tsa bone di letla gore ba ka bo ba tsere Omang. A re o leka ka thata go bua le batsadi fa ba tsile diphuthegong go isa bana go dira Omang mme seemo ga se tokafale. A re batho ba tshwanetse go itse fa Omang ele selo se se botlhokwa fela thata ka a dirisiwa gore motho a kgone go bona dithuso tsa puso. O supile fa bontsi jwa banana ba sa bone dithuso tsa puso ka ba sena Omang mme se se dire gore ba nne fela mo malwapeng ba sa tokafatse matshelo a bone. Kgosi o tlhalositse fa e le tshwanelo ya ngwana monwe le mongwe go direlwa Omang fa a le dingwaga di le lesome le borataro mme a tla duedisiwa fa a tla go ikwadisetsa Omang morago. O boletse fa banana ba tirelo setshaba kwa ofising ya ikwadisetso Omang, matsalo le dintsho, ba tla a ruta ka botlhokwa jwa go nna le Omang mme a solofela fa se se tla tokafatsa seemo sa go sa ikwadisetsa Omang mo motseng. Mo go tse dingwe o boletse fa bogodu bo ile magoletsa mo motseng. O kopile banni go bereka le mapodise sentle gore ba kgone go tshwara magodu a a tlhorontshang batho, ba ba amoga di tsa bone. O boletse fa bogodu jo bontsi bo dirwa ke batswakwa ba ba thapiwang ke Batswana kwa masimong mme a supa fa go na le banana bangwe ba motse ba ba inaakantseng le bogodu ka ba sa batle go bereka. A re lenaneo la ntebele ke go lebele ke lone le le ka thusang go fokotsa dipalo tsa bogodu mo motseng. Bokhutlo
crime_law_and_justice
1
Lwantshang kgokgontsho - Kgosi Puleng
Mothusa kgosi wa motse wa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng, o kopile dikgosi tsa kgaolo ya Letlhakeng go lwantsha kgokgontsho ya bong e e kekelang mo kgaolong ya bone. O buile jaana kwa thuto- puisanyong ya kgokgontsho ya bomme le bana kwa Letlhakeng ka Labobedi, e e neng e rulagantswe ke ba ofisi ya Bong. Kgosi Puleng o supile fa melato ya kgokgontsho e bonala e oketsegile, a re se se dirwa ke gore mo malatsing a gompieno setshaba se tlalea badiramelato. A re dikgang tse di ne di ntse di le teng, fela di ne di sa begwe. A re setshaba jaanong go lebega se tsiboga, mme se se supa fa ba utlwa se ba neng ba se rutilweng ka kgokgontsho. A re melato e e tlaa tswelela e gola mme fa e fokotsega, ba tlaa bo ba itse fa jaanong batho ba rutegile. Mogolwane wa ofisi ya Bong kwa Molepolole Mme Gorata Ntshwabi o ne a supa fa kgang ya kgokgontsho ya bong e ama mongwe le mongwe, ke sone se dithuto di tshwarwang lefatshe ka bophara. O tlhalositse fa malatsi a a lesome le borataro a go lwantsha kgokgontsho ya bomme le bana a simolotse Ngwanatsele a le masome mabedi le botlhano go fitlhelela Sedimonthole a le lesome. Mme Ntshwabi o tlhalositse fa ba itebagantse le kgokgontsho ya ba-na-le bogole ka jaana le bone ba betelelwa, a bo a tlhalosa fa ba kgona go ima ba sa itse mong wa mpa. O supile fa ba tshwere thuto- puisanyo e le dikgosi ka jaana ba kopana le dikgang tsa mofuta o thata kwa tirong ya bone. O ne a tlhalosa fa tekatekano ya bong e le kgang ya morero mme e se go tseela borre dithata mo malwapeng jaaka bangwe ba akanya. Mme Ntshwabi o tlhalositse gore ntswa bomme ba kgokgontshiwa thata, borre le bone ba a kgokgontshiwa mme ka dipalo tse di kwa tlase. O supile fa borre ba na le boboi jwa go bega kgokgontsho ka jaana ba re ba jewa setshego fa ba leka go ikuelaa, a bo a supa fa mapodisi a tokafaditse ditirelo tsa bone ka go amogela dikgang tsa kgokgontsho mo lefelong le le faphegileng ba sa tseise dikgang phefo gore baikuedi ba tle ba phuthologe. O tlhalositse fa bomme ba amogelwa ke bomme kwa sepodising fa ba tlalea dikgang tsa kgokgontsho, fa borre le bone ba amogelwa ke borre. Mme Ntshwabi o tlhalositse fa batho botlhe ba tshwanetse go amogela gore kgokgonthso e teng ba bo ba itse fa e le tiro ya mongwe le mongwe go lwantsha kgokgontsho ya bong. Inpector Setlalepula Kelekwe o ne a supa fa kgokgontsho e godile thata mo kgaolong ya Letlhakeng, a supa fa melato e mentsi e diragala mo bananeng ba dingwaga tse di lesome le boferabongwe go ya kwa go tse di masome mabedi le botlhano. O supile fa melato ya go tshosetsa go bolaya e ne e le mebedi ka 2018 fa monongwaga e setse e roba bobedi mo bogompienong. Molato wa go thubetsa le go leka go thubetsa o godile go tswa kwa go e meraro ka 2018 fa monongwaga e setse e le lesome le borataro. Inspector Kelekwe o supile fa molato wa go thubetsa bana e le mene monongwaga, fa o dikile o le mongwefela ngogola. Fa a tsibogela kgang e, kgosi Benjamin Bogosi wa Khudumelapye o ne a supa fa e se la ntlha ba tshwarelwa pitso e, mme a ngongorega gore dikgosi tsa motse wa Letlhakeng di nna di seyo, a bo a kopa gore nako e e tlang di bidiwe le tsone di tle go itseela ka tsebe. Kgosi Bogosi o kopile gore go nne le pitso e e akaretsang botlhe gore ba tle ba atolose kgang e ba le mmogo e le borre, bomme le bana
crime_law_and_justice
1
Ba ikemiseditse go tlhabolola polase ya morafe
Motlhokomedi wa polase e e tshwaraganetsweng ke puso le morafe wa Inalegolo le Phuduhudu, Rre Tsatsa Disane a re ba dirile maiteko a a tsepameng go tlhabolola polase eo. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, Rre Disane a re polase e e tswa kgakala e tshegeditse matshelo a banni ba metse e ka bobedi, ka jalo a re ba bonye go le maleba e le khuduthamaga ya polase e go tokafatsa ditsamaiso le tebego ya yone. O supile fa nngwe ya maiteko a ba a dirileng go tlhabolola polase e, e le go tsamaya ba tlhola gangwe le gape gore a terata e sa ntse e le mo seemong se se siameng. A re fa ba ka lemoga gore terata e ole ba tsiboga ka pela ka go e tsosa le go e bofa. O tshwaile fa ba le mo dithulaganyong tsa go reka ditonki di le tharo, sekotsekara le dipitsi di le nne. A re ba tlaa dirisa dipitsi tse go fefosa metsamao ya go tlhodumela tse di sa siamang mo polaseng. O kaile fa ditonki tsone di tlaa dirisediwa go goga sekotsekara, mme fa go ka diragala gore ba kopane le seruiwa sengwe se se bokoa mo nageng, ba kgone go se laisa ka pela gore se ye go bona thuso e e lolameng ko go tshwanetseng teng. A re ba setse ba segile tema ka ba kgonne go tsaya dipampiri tsa theko ya dipitse, ditonki le sekotsekara ko barekising ba tsone. Fa a tswelela, o ne a tlhalosa tse ba setseng ba di dirile, a re ba butse tsa peelo ya madi ko bankeng ya Gaborone e bile ba setse ba bolokile madi a a ka tshwarang dikete tse di lekgolo le masome a mararo le borataro tsa dipula. A re mo maitekong a go tlhabolola dithuto le botsipa jwa khuduthamaga ba nna ba nna ba tsaya malebela ko dipolaseng tse dingwe le go tsenelela dithuto seka dipuisano ka tsa temo-thuo mo mafelong a a farologanyeng. A re ngogola ba ne ba tsenye dithuto ko sekoleng se segolwane sa temo-thuo ko Sebele mme ba dikile ba anywile thuto e e tseneletseng ka go tsamaisa polase. A re ba ithutile gore fa o batla go somarela mahudiso o tshwanetse go aga masaka a le mantsi. Rre Disane a re fa go tla nako ya leuba ba fudusetsa diruiwa ko lesakeng le le nang le phulo e e botoka. A re thulaganyo e e fa lesaka le le dirisitsweng sebaka sa gore le tlhoge bojang gape. “Go thaiweng ga polase e ga re ise re atswiwe ka sepe mme se ga se a re nyemisa moko ka re tshwere ka mowa wa boithaopo go etelela dikeletso tsa setshaba ko pele,’’ Rre Disane a bolela. Le fa go ntse jalo, Rre Disane a re go na le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo polaseng. A re nngwe ya dikgwetlho tse ditona ke go jelwa leruo ke dibatana tse di tshwanang le ditau, bo nkwe le bophiri. A re mo maitekong a go hema seemo se, ba tshwaraganye le ba lephata la diphologolo le bojanala. BOPA
society
9
Mzwinila o kopile banana go tswa ka megopolo
Banana ba Mmadinare, Sefhophe, Tobane, Robelela, Damochojenaa le Tshokwe kwa kgaolong ya Mmadinare ba kopilwe go tswa ka megopolo e ba bonang e ka tokafatsa mananeo a ba a neelwang. Mopalamente wa Mmadinare e bile e le mothusa tona wa lephata la banana le ngwao, Rre Kefentse Mzwinila o buile jaana kwa moletlong o o neng o ngokile banana ba metse eo kwa Mmadinare ka Labobedi. Rre Mzwinila o tlhalositse fa go le botlhokwa go nna ba kopana le banana go utlwa megopolo ya bone ka fa ba bonang dilo di ka dirwa botoka ka teng gore ba kgone go akola maduo a mananeo a puso. A re letlhoko la ditiro le amile thata banana ka e bile e le bone ba bantsi ka dipalo. Rre Mzwinila a re go lemoga seo, puso ga e a ka ya itlhokomolosa mme e ne ya tswa ka mananeo a a lebaneng banana le fa bangwe ba sa a tsee ka tlhwoafalo. A re bangwe banana ba tsweletse sentle mo dikgwebong e bile ba setse ba duetse bontlha bongwe jwa madi a ba neng ba thusiwa ka one mme seo se tlaa thusa gore ba ba iseng ba bone thuso ba kgone go thusiwa. Rre Mzwinila o ne a supa fa Mme Naledi Sobeya wa Bobonong yo e leng mongwe wa banana ba ba thusitsweng ka lenaneo la banana ka 2012 a kgonne go simolola kgwebo ya go loga moriri mme a tsweletse sentle e bile a setse a busitse madi a a neng a tshwanetse go a busa. Rre Amantle Kasha yo o neng a bua mo boemong jwa banana ba Mmadinare, o supile fa ofisi ya banana e tsaya nako go fetola dikopo mo ba felelang ba latlhegelwa ke tshepho mo go se ba eletsang go se dira mme a kopa gore seo se tsibogelwe. Rre Moesi Mosinyi, monana go tswa kwa Damuchujenaa a re ba na le keletso ya go tlhabolola metse ya bone mme ba palediswa ke lobaka lo loleele lo lo tsewang ke lephata la ditsha go ba abela ditsha. Rre Mosinyi a re gore monana a bone thuso kwa ofising ya banana fa a batla go simolola kgwebo, o tshwanetse go bo a na le lefelo le a direlang mo go lone. A re selo se se felela se ba kgoba marapo.
society
9
Go reketla ga matlo a bogosi go tlhokisa ledula
Mapodisi a Tutume a tlhotlhomisa kotsi e mo go yone monna mongwe a neng a bona dikgobalo tse di masisi kwa Makuta mo tseleng ya Tutume/Francistown bosheng. Mogolwane wa mapodisi a pharakano kwa Tutume, Assistant Superintendent Amos Kurusa, o boletse fa monna yoo, wa dingwaga tse di masome mararo le bosupa a ne a latlhegelwa ke taolo ya koloi mme a thula setlhare beke ee fetileng. Rre Kurusa a re monna yo o ne a tsamaya ka koloi ya modiro wa Nissan. A re le ntswa kotsi e, e diragetse gaufi le metse e e bapileng le tsela, ga go ope yo o boneng tiragalo eo, kwa ntle ga bafeti le tsela ba ba neng ba itsese mapodisi. O tlhalositse fa go belaesega fa koloi e, e ne e le mo lebelong le le kwa godimo mme mokgweetsi a latlhegelwa ke taolo ya fapoga mo tseleng ya thula setlhare. A re mokgweetsi yoo, o tlholega kwa kgotleng ya Magapatona mo Tutume. O tlhalositse fa a ne a ragogedisiwa kwa kokelong ya Nyangabwe kwa a robaditsweng teng, fa ditlhotlhomiso tsa maposidi di tsweletse. Rre Kurusa o kopile bakgweetsi go kgweetsa ba itekanetse, le gore ba iphe sebaka sa go ikhutsa fa ba lapile, ka letsapa le ka dira gore mokgweetsi a latlhegelwe ke taolo ya koloi. BOKHUTLO
politics
7
Setlhopha sa Maswailathota se supa botswerere
E re le ntswa mo nakong ya gompieno ngwao e setse e nyelela ka bonya ka bonya, mabutswapele mangwe one a santse a e tshegeditse. Rre Tuelo Mmereki yo o dingwaga di masome marataro le botlhano ke mongwe wa mabutswapele ba ba santseng ba tshwere ngwao ya go suga le go sega matlalo. Rre Mmereki o tlhalositse mo potsolotsong fa a sa le a rutilwe go suga matlalo a sa le monnye ke Rraagwe bogologolo mme a tsaya thuto eo ka tlhoafalo ka a ne a bona e ka mo tswela mosola mo isagong. O tlhalositse fa tiro ya go suga matlalo e le ntsi. Are kwa tshimologong pele ga letlalo le ka dirisiwa le simolola ka go bodisiwa mme le bewe malatsi a mantsi pele ga le ka tsena mo tirisong. Rre Mmereki o tlhalosa fa letlalo le segelelwa go dira dikgole tse di telele tse e reng morago a bo a di thathelela mo legonnyeng a bo a di tshophelela mo setlhareng gore a simolole go di suga ntse a dikologa setlhare. Rre Mmereki o ne a tlhalosa fa dikgole di sugwa ka go di tshopharaganya mme go tswa foo di dirisiwa kwa morakeng go katloa dikgomo. Rre Mmereki o boletse fa pele a ne a itshetsa ka go roka ditlhako le go suga matlalo a dira ditweega mme e re morago a a rekise. O ne a tlhalosa tiro ya diatla ya go suga matlalo e ne e le kgwebo e e neng e mo fa dipoelo tse di nametsang ka a ne a na le bareki ba le bantsi. O tlhalositse fa a ne a ya go ithutela go suga matlalo kwa Molepolole ka 1984 go fitlha ka 1993. O tlhalositse fa e ne ya re ka 1993 a ntse a le kwa Molepolole a bo a fetisediwa kwa Lobu ke puso go ya go ikoketsa dithuto. A re kwa Lobu o ne a ithutela go suga matlalo a dirisa metswako ya dichefi ka pele a ne a dirisa setlhare sa mositsane. Rre Mmereki o tlhalositse fa go boeleng mo gae mo Tsabong a itemogela fa metswako ya dichefi e ne e sa siama mme a boela kwa ngwaong e a e ithutileng ya go dirisa setlhatshana sa mositsane. Rre Mmereki o tlhalositse fa a ne a emisa go suga matlao a dira dikgole ka 2016 ka mabaka a botsogo. O boletse fa a ne a isiwa bongakeng kwa Princess Marina le kwa Afrika Borwa mme kwa phelelong ba bongaka ba mo laela go tlogela go suga matlalo, tiro e a supileng fa a ne a e rata bobe. O tlhalositse fa a ne a leka go ngokela bontsi jwa batho mo tirong ya go bereka ka matlalo a ba fa thuto ya mahala mme ga seka ga nna le ope yo o supang kgatlhego ya go ithuta gotlhelele. O supile fa mo nakong ya gompieno a na le botsogo jo bo botoka mme a tsere tshwetso ya go ya kwa Zimbabwe go ya go ithutela go dira ditlhako ka letlalo e seng go suga matlalo jaaka pele. O kaile fa a ne a gwetlhwa ke tsala nngwe ya gagwe ya mo-Zimbabwe yo o neng a nna a reka matlalo a a sugilweng mo go ene a bolela fa a ya go a dirisa go dira ditlhako kwa Zimbabwe. O boletse fa a lekile makalana a madi go mo thusa mme ba supa fa dingwaga di sa letle. O ne a tlatsa ka go kgothatsa banana go inaakanya le mananeo a puso a ditiro tsa diatla go tlhamela ba bangwe ditiro le gone go tokofatsa matshelo a bone e seng go baya morwalo otlhe fela mo pusong ka go na le letlhoko le lentsi la ditiro.
arts_culture_entertainment_and_media
0
Go kgaolwa ga metsi go letsa Ditshegwane
Banni ba Ditshegwane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng ba ngongoregetse go kgaolwa ga metsi ke koporase ya metsi ya Water Utilities Corporation ntle le therisano. E rile fa ba bua mo potsolotsong bosheng morago ga gore motse oo o tlhoke metsi letsatsi lotlhe, mongwe wa ba ba kgaoletsweng metsi, Mme Ditebatso Kopore a tlhalosa fa a kgaoletswe metsi ntswa a sa kolote. Mme Kopore o tlhalositse fa a sa itumelele tsamaiso e e dirwang ke ba koporase eo ya metsi ka go lebega ba sena therisano ka ba sa kgone go buisanya le bone. Mme Tshoganetso Nkgoko ene o ne a tlhalosa fa bodiredi jwa koporase eo bo se pelotlhomogi ka jaana ba tswaletse mmaagwe pompo ntswa e le mo-n-a-le bogole. A re ba dirile jaana ntle le go bua le ene ntswa e le ene a duelelang mmaagwe. E rile a tswa la gagwe Kgosi Stephen Morwaanare wa Ditshegwane, a supa fa a swabile nko go feta molomo ka se se dirwang ke koporase ya metsi ka e sena therisanyo le bogogi jwa motse. O supile fa kgaolo ya metsi ya bosheng e amile dikgwebo tsa morafe ka bangwe ba foroma ditena ka jalo se se baka ditshenyegelo tse di sa tlhokafaleng e bile se humanegisa batho. O kaile fa ditsha tse disha di ise di tsenngwe metsi ka jalo a kopa gore beng ba tsone ba thusiwe ka ba tsaya metsi kgakala. Kgosi Morwaanare o kaile fa metsi a dirisiwa kwa maphateng a puso ka go farologana jaaka kwa dikokelwaneng le dikole, mme a re go a kgaola go sena morero go tsisa kgoreletsego mo ditirong tsa letsatsi le letsatsi tsa maphata ao. O ne a kopa gore badiri ba koporase ba dirasanye le bone ka go ba neela maina a batho ba ba kolotang gore ba ba tswe tema ka go leka go ba rotloetsa go duela pele ga go ka tsewa tshwetso ya go kgaola. Mogolwane wa ofisi ya koporase ya metsi kwa Letlhakeng, yo o lebaganyeng le tsa badirisi ba metsi, Rre Obonanye Maje o supile fa ba kgaotse metsi kwa motseng oo ka banni ba ikgatholosa go duela ka lebaka le ba le dumalanyeng kwa tshimologong ya ditirisanyo tsa bone la dikgwedi tse tharo. O tsweletse ka go supa fa bontsi jwa badirisi ba metsi ba ikidibatsa go fitlhelela ba nna le melala e e kwa godimo e ba palelwang ke go e duela. Rre Maje o supile fa dikgwetlho tse dingwe tse ba kopanang le tsone e le tshenyo ya dipompo tsa mo motsing ka go tsewa dibetiri tsa tsone. A re go nosiwa ga leruo mo motseng go atile ka go thubiwa dimmithara gore leruo le nwe, mme o supile fa dipompo tse di duelelwang kwa pele di sa bereke ntateng ya tshenyo e. O kopile bogogi jwa motse go ikopanya le ofisi ya bone go bona gore tsela pedi ba tsaya efe.
society
9
Go jesa loruo go ka busetsa morui
Morui wa Tati Siding, Rre Parkie Pius a re go jesa loruo ke nngwe ntlha ya botlhokwa go le tlhokomela. Mo potsolotsong, morui yoo, yo e leng mongwe wa barui ba popota, o tlhalositse fa go jesa loruo go thusa thata gore ka dinako tsa leuba loruo le bo le le mo seemong sa go ka kgona go itepatepanya le manokonoko a leuba. A re mo dinakong tseno, phulo e boutsana mo nageng ka jaana dipula di le boutsana, mme ke gone ka moo a neng a gakolola barui ka ene go sa ikaege fela ka phulo ya naga mme ba lemoge botlhokwa ja go jesa leruo la bone dijo tsa dikotla. “Fa go le leuba mo nageng loruo ga lo kgore sentle mme seo e be e nna kgwetlho, segolo bogolo le le namagadi ka jaana ka dinako tsa gore di tsale di nna le kgonagalo ya gore di ka phuphama mme seo se bake tatlhegelo ya loruo,” a bua jalo. Rre Pius o ne a tlhalosa fa go jesa loruo dijo tsa dikotla, go lo thusa gore le seka la tshabelelwa ke malwetse. A re go jesa loruo go dira gore lo tlwaele lesaka mme ka jalo le seke le saile mo sekgweng mo go leng borai go ka utswiwa ke magotswana a leruo kgotsa go ka tlhaselwa ke dibatana. Rre Pius o ne a leboga puso ka lenaneo la ISPAAD, a re ka lone ba kgona go lemela loruo dijo tse di akaretsang Lab-Lab. O gwetlhile barui ka ene go akola lenaneo le, a re gape ba ka le dirisa bontlha jo bongwe go ka itshimolela dikgwebo tsa go lema ba rekisa bontlha jo bongwe jwa thobo ya dijo tsa loruo, mme kgabagare ba kgone go thiba fa go tlhokegang teng. “Ka madi a kgwebo ya bontlha bongwe jwa thobo ya loruo morui o ka kgona go reka ditsompelo tsa loruo tse di tlhokegang jaaka tipi, manyena ga mmogo le melemo,” a tlhagisa jalo. O ne a kopa Batswana ka kakaretso go tswelela ba tsaya temo-thuo ka tlhoafalo, a bolela fa go tsweng Goo-Lowe temo-thuo e ne e le seikokotlelo sa bone. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Bogodu jwa leruo bo ile magoletsa
Mookamela mapodisi a Takatokwane mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng Superintendent Ocean Maraganyane o supile fa kgaolo ya Kweneng e le nngwe ya dikgaolo tse di amilweng bobe ke bogodu jwa leruo. E rile a bua mo potsolosong bosheng, Superintendent Maraganyane o supile fa ba tshwentswe ke dipalo tse di golang ngwaga le ngwaga tsa bogodu jwa leruo mo kgaolong ya bone, a re mo ngwageng o o fetileng go utswilwe dikgomo di feta masome a matlhano mo dikgannyeng tse di farologanang. A re monongwaga ba setse ba gatisitse dikgang tse tlhano tsa bogodu jwa dikgomo mme a re ditiragalo tse di diragala thata kwa merakeng ya metse ya Motokwe, Mahotshwane le Takatokwane. A re gole gantsi magodu a a utswa leruo a bo a le fudusetsa kwa merakeng e sele e e kgakala e le ka tirisano le ba bangwe go timetsa bosupi Superintendent Maraganyane o ne a tswelela a supa fa malatsi ano magodu a aga masaka mo sekgweng a bo a kokotleletsa teng mme a rekisetse bagwebi ba madirelo a dinama. O tlhalositse fa e rile mo kgweding e e fetileng ba ne ba tshwara banna bangwe ba le babedi go bapa le moraka wa Masankaneng ka nama ya dikgomo tse pedi tse go belaelwang e le tsa bogodu ka ba ne ba latlhile matlalo a tsone. A re kgang ya teng e setse e le fa pele ga lekgotla la ditsheko. Le fa go ntse jalo Superintendent Maraganyane o tlhalositse fa tirisanyo ya bone le badisa e le e ntle ka e bile e le bone ba itseng leruo sentle, mme a re fa go ka tswelela go ntse jalo ntwa kgatlhanong le bogodu ja leruo e ka fenngwa. O supile fa gantsi batho ba ba amegang mo bogodung ja leruo e le ba dingwaga tse di masome a mabedi le boferabongwe go ya ko go masome a mararo le botlhano, mme a re mo leruong gantsi go utswiwa dikgomo ka e le tsone di leng bogadi bo gaufi. Go sale foo Superintendent Maraganyane o ne a ikuela mo balemi-baruing go nna le maikarabelo a go tlhokomela leruo la bone le gone go le tlamela ka dinako tsotlhe gore le seka la anama le naga, a tswelela a gakolola barui go duela badisa ka nako le gone go nna ba etela meraka ya bone kgapetsa-kgapetsa go ya go lekola leruo le gone go itsa go rwesa badisa mekgoleo ba le nosi. O ne gape a ba gakolola go tshuba marole a bone pele ga baa ntsha mo masakeng ka go le gantsi magodu a kgaoganya marole a a sa tshubiwang le bommaao mme ba ye go a tshuba ka ditshipi tsa bone. Mo go tse dingwe Superintendent Maraganyane o supile fa ba tshwenngwa ke dipalo tse dintsi tsa dipetelelo le tlhakanelo dikobo ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase mme a re ditiragalo tse go le gantsi di diragala kwa merakeng. Superintendent Maraganyane a re go supagetse fa gantsi badiramelato e le bakapelo ba pele ba ba abong ba ise ba amogele seemo sa gore ba tlhadilwe. O supile fa seemo se se baka le dikgang tsa matshosetsi a dipolao ka le tsone di tsholetsega ka mmetela. O ne a ikuela mo batsading go gakolola bana ba bone go iphapha mo go tsamaeng masigo ba le nosi mme a supa fa ba ete ba tshware diphuthego go ruta banni ka bodiphatsa jwa go tlhakanela dikobo le bana. BOPA
crime_law_and_justice
1
Ntlo ya Dikgosi ke karolo ya botlhokwa
Moemedi wa Ntlo ya Dikgosi wa kgaolo ya Letlhakeng Kgosi Itsoseng Gaoonwe a re Ntlo ya Dikgosi e na le seabe se segolo mo tsamaisong ya merero ya lefatshe le puso ya batho ka batho. A re go ntse jalo ka dikgosi di eteletse merafe pele ka jalo ba itse tsotlhe tse Batswana ba di tlhokang. O buile jaana mo potsolotsong le Kgosi Gaoonwe a re Batswana ka bontsi ba tlwaetse gore mapalamente ke bone fela ba botsang dipotso le go thusa go tla ka ditharabololo tsa go thusa Batswana, ntswa marara le bone ba na le seabe se setona mo go tseo. A re mo dingwageng tse di fetileng, o nnile le sebaka sa go botsa dipotso mabapi le botlhoki jwa maphata mangwe mo kgaolong ya gagwe mme ba ne ba thusiwa ka bonako. Kgosi a re se ke sesupo sa gore ba tsewa tsia ke boeteledipele jwa maphata a puso. Rre Gaoonwe yo e rileng bosheng a tlhophiwa go ya kwa Ntlo ya Dikgosi, o lebogela seo ka go supa fa marara a kgaolo eo a mo tshepha go ka ba emela. A re o tlaa rurifatsa gore dilelo tsotlhe tsa kgaolo ya gagwe o di isa kwa Ntlo ya Dikgosi gore botlhe ba bone dithuso. Kgosi Gaoonwe a re sengwe sa dilo tse di sa mo jeseng diwelang ke gore dikgosi tsa tetlanyo ga di bolokelwe madi a bogodi gore e re ba tlogela tiro ba kgone go tshela sentle. A re ka jalo o tlaa tsenya kopo ya gore magosana ao a hirwe gore ba kgone go ipolokela ka jaana mo nakong ya gompieno ba tshela ka go atswiwa mme moo go sa lekana ka bontsi jwa bone fa ba tlogela tiro seemo sa botshelo jwa bone ga se kgatlhise. Kgosi o ne a supa gape fa kgaolo ya gagwe e aparetswe ke letlhoko la dikoloi mme mo nakong ya gompieno ba dirisa koloi e le nngwefela ya Sesung. A re dikoloi ka bontsi di eme ka di tshwanetse go ya tlhatlhobong, sebe sa phiri ke gore ga go na madi ntswa setshaba sone se tlhokana le go thusiwa. Kgosi a re e sale jaaka puso e tsaya tshwetso ya go emisa lephata la dikoloi la puso (CTO) go baakanya dikoloi ga nna bokete mo maphateng ka bontsi go isa kwa go ba ba ikemetseng ka nosi ka go le turu mme gape letlhoko la madi le le kwa godimo.
politics
7
MVA e tla a tokafatsa ditlamelo
Mo maitekong a go itepatepanya le dikgwetlho tsa dikotsi tsa tsela tse di yang magoletsa, ba lephata la Motor Vehicle Accident Fund ba ne ba tshwara ithutuntsho le baagi ba Bobonong go ba itsise ka ditlamelo tse ba di neelang batswa setlhabelo mo dikotsing tsa tsela. Fa a bua kwa ithutuntshong eo bosheng, leloko la khuduthamaga ya Motor Vehicle Accident Fund, Rre Lawrence Thebe o supile fa ba ikaelela go tokafatsa ka fa ba thusang batswa setlhabelo ka teng ka dinako tsotlhe jaaka go tsibogela le go araba dingongora gammogo le dipotso tsa ba tswa setlhabelo mo nakong e khutshwane. A re ba tla neela motswa setlhabelo mo dikotsing tsa tsela kalafi ya tshoganetso mo nakong e e sa feteng oura morago ga go amogela kitsiso ka kotsi le gone go thusa batswa setlhabelo ba ba sa kgoneng go itshetsa. Rre Thebe a re ba tla a dira bojotlhe go tokafatsa kamano le tirisano mmogo le ba-na-le seabe, a bo a re ba tla nna le bojammogo le tirisano le bangwe ka bone mo mafatsheng go amogana dikitso tse di maleba. O supile fa mokgwa wa go iphitisa nnotagi, tsela e e ditlhare gammogo le go tsaya ditlankana tsa go kgweetsa ka tsela e e seng maleba e le gone go bakang dikotsi tsa tsela. Rre Lawrence o kaile fa dikotsi tsa tsela di gapa matshelo a batho ba ba botlhokwa mo setshabeng jaaka baoki le mapodisi mme e bile ba le botlhokwa mo malwapeng ka jalo seo se dire gore lehuma le simolole go kokonela malwapa ao. O supile fa dikotsi tsa tsela di sa ame bapalami ba dikoloi fela mme le ama le batsamaya ka dinao gammogo le diphologolo. Rre Lawrence o tlhalositse fa thuto mo bathong ka tiriso ya tsela e santse e tlhokafala thata mme a re ba tla a dira ka bojotlhe le ka matsetseleko go thibela le go fokotsa dikotsi tsa tsela mo lefatsheng leno. Fa a latlhela la gagwe, mookamela lekalana la Motor Vehicle Accident Fund Rre Cross Kgosidiile o gateletse fa nnotagi e le yone e bakang dikotsi tsa tsela. Rre Kgosidiile a re seemo sa ditsela mo Bobonong se tshwanetse go tokafadiwa go fokotsa go thulana ga dikoloi mo go diregang gantsi mo kgaolong eo. Mogolwane wa sepodise sa Botswana Rre Semakaleng Matlhake o supile fa go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo gammogo le diphologolo tse di gobeyang mo ditseleng e le gone go dirang dikotsi. Rre Matlhake a re monongwaga go setse go nnile le batho ba le 214 ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela.BOKHUTLO
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Mzwinila o lekola maphata a puso
Mopalamente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila, o ne a kopane le ditlhogo tsa maphata a puso go buisana ka seemo sa kgaolo. Fa a ntsha pego ya lenaneo la nyeletso lehuma, Rre Gwisani Tubute, yo e leng mogolwane wa tsa ditlhabololo tsa motse a re ba leka go fefosa go sekaseka ba ba lebanweng ke thuso ya lenaneo le mme dikgwetlho di mmalwa. A re baikopedi ba ngongoregela lebaka le le tsewang go tsisa se ba se ikopetseng mme seo se dire gore motho a latlhegelwe ke kgatlhego mo go se a neng a se lopile mme a kope go fetola seo ka go kopa thuso e sele. O ne gape a supa gore lephata le lebanwe ke kgwetlho ya go phuaganngwa ga dithuso batho ba inaakanya le ipelegeng mme seo se busetse kwa morago maiteko a puso a go leka go nyeletsa lehuma. O ne a tlhalosa gore bangwe ba na le mokgwa wa go dirisa mananeo otlhe a a le teng mme ba dira jalo ka go farologana ga mafelo mme seo se bee ba bangwe ka fa mosing mme o ne a kopa gore puso e tsise maranyane a ka thusang go supa se. Fa a ntsha pego ya seemo sa ditsela, Mme Entwetse Gagobatho a re seemo sa ditsela sa kgaolo ga se jese diwelang ka fa pula e na seemo se bifelela pele mme o ne a kopa gore khansele e dire dikholobete. O ne a tlhalosa gore borakonteraka ba ba neelwang ditirelo ba dira tiro ya boleng jo bo ko tlase mme seo nne poela morago ya gore dingwe ditsela di dirwe gape mme seo se turele puso. O ne a supa fa ba abetswe P1,2 million mo ngwageng wa kabo ya madi mme ga a lekane ka go dira le go tlhokomela ditsela go le turu, mme o ne a kopa mopalamente gore khansele e dire tsela ka ditena ka tsela ya teng e sa tlhokane le tlhokomelo e e kalo gape e itshwarelela ka lebaka. Modibedi Rantsudu mogolwane mo lephateng la SHHA a re lenaneo la turn-key le tlhabololo bonno a tsamaya sentle mathata ke tiego ya madi go goroga ko baikopeding mme seo se dira gore mola wa baikopedi o oketsege. O ne a tlhalosa gore mo Mmadinare batho ba le 25 fa ba Bobonong ba le 17 ba kopile madi go aga mme ba sa le ba kopile ka dingwaga tsa bo 2009 le 2010 mme seo se supa tiego mme se dire gore bangwe batho ba itlhoboge ba felele ba aga matlo ka madi a bone. O ne a supa fa go tlhoka sepalangwa go tlhola matlo a a agiwang e le kgwetlho ka ba fapaneela koloi le ba Bobonong mme seo se dia matlo go fela ka a ka se tsweledisiwe ba sa rurifatsa. Pego ya ba sepodisi ka Rre Gagopale Gaselarona e ne e supa fa borukutlhi bo laolesega mo kgaolong mme dikgang tse ba kopanag le tsone thata e le tsa dititeo ko dibareng kana baratani mme ba ikemiseditse go fema seemo seo. O ne a supa fa palo ya bone e le ko tlase mme ba thusiwa ke ba ba ithaopileng le mapodisi a Selebi Phikwe mme e bile o ne a lebogela seo ka matshelo a batho a tla pele e bile a tlhalosa fa ba tsere matsapa a bone go bua le beng ba dibara gore ba seka ba letlelela bana mo dikgwebong tsa bone mme a re seo se dule maduo. Fa a garela mopalamente Mzwinila o ne a kopa ditlhogo tsa maphata go direla setshaba ka botswapelo ka ditirelo tse di nang le boleng ke tsone boremelelo jwa dikeletso tsa setshaba, e bile le tirisano e nne e e lolameng. O ne gape a kopa badirelapuso go ntsha ditirelo tse di tlhwatlhwa go diragatsa lenaneo la nyeletso lehuma ka potlako gore batho ba bone dithuso ka nako. Gape o rotloetsa banna ba kgaolo ya Mmadnare go tsaya thuto ka tlhwaafalo le go tlhokomela dikago le ditsela mo kgaolong. Mopalamente Mzwinila o ne gape a buisa diphuthego tsa kgotla mo kgotleng ya Mmadinare go ithuta gore batho ba tshela jang, le go tlhaloganya matshwenyego a bone. Gape o ne a ba rolela dikgang ka tsa palamente e e fetileng.
politics
7
Go tlhwaafalela thuto go ka tlisa maduo a a molemo - Seipone
Kgosi Basadi Seipone wa Kang a re fa thuto e tsewa ka tlhwaafalo e ka ntsha maduo a a molemo. Kgosi Seipone o buile se ka Labotlhano (Phalane a supa) kwa kamogelong dietseele tsa bana ba sekole sa tiro ya diatla kwa Kang. Kgosi Seipone a re fa moithuti a reetsa ditaelo tsa batlhatlheleladithuto le batsadi ebile a ithuta ka tlhwaafalo o tlaa roba maduo a a siameng. A re ke ka moo maikaelelo ape fela a a siameng ke gore moithuti a ikgethele isago e e ka tsogang e melediwa mathe ke ba le bantsi. A re moithuti o tshwanetse go ipolelela gore o tlaa sala melao ya sekole morago mme a tseye dithuto tsa gagwe ka tlhwaafalo. Kgosi Seipone a re fa moithuti a laleditse Modimo mo go tsotlhe tse a di dirang go ya go neela maduo a a molemo. A re ka jalo, poifo Modimo ke botlhale. A re Modimo o ka go neela maatla le botlhale jwa go kgona dithuto go sena selabe sepe. Fa a tswelela a ama baithuti ka lefoko, Kgosi Seipone a re sengwe le sengwe se o se dirang ka manontlhotlho le lerato se ka ngoka leitlho la mongwe golo gongwe. A re baithuti ba tiro ya diatla bone ba sego ka gore se ba se dirang ka diatla, maduo a teng a bonwa ke mongwe le mongwe. O ne a fa sekai sa gore, fa o agile ntlo ka manontlhotlo e ka kgatlha ba le bantsi mo go ka felelang go dira gore batho ba eletse go go thapa gore o ba agele mantlo, mme se se tokafatse botshelo jwa gago le ba o tshelang le bone. Erile a ntsha lefoko la kgothatso le go leboga, mogokgo wa sekole se segolwane sa Motaung, Rre Tahwa Elias a supa gore maduo a sekole a isiwa tlase ke botlhokatsebe jaaka nnotagi le boitsholo jo bo sa siamang. A re go ipatla o bo o itshekatsheka o le moithuti ke selo se se botlhokwa thata mo dithutong tsa gago le botshelo ka kakaretso.
education
4
LEA e jwala mowa wa bogwebi
Bagakolodi ba tsa kgwebo kwa Local Enterprise Authority ( LEA) kwa Masunga ba boloditse letsholo go rutuntsha setshaba ka ditirelo tsa bone,. Maikaelelo a letsholo le ke go thusa go nonotsha dikgwebo. E re ka puso le yone e itlamile go ema bagwebi nokeng ka mananeo a nyeletso lehuma le a banana, LEA e itlamile go bona gore dikgwebo tseo ga di phutlhame e bile madi a puso ga a senyege. Mo phuthegong le banni ba Mambo bosheng, mongwe wa bagakolodi, Rre Gaolaolwe Phologolo, o tlhalositse fa ba thusa ka bogakolodi jwa tlhwatlhwa ka tsa kgwebo e ka tswa e le ya dipodi kana epe fela ka tota keletso ya bone e le go bona Batswana ba ikemetse ka dinao, ba itirela dikgwebo mme ebile dikgwebo tsa teng di nwega moro. Rre Phologolo o gwethile banni go tsaya kgato go tokafatsa matshelo a bone ga mmogo le gone go dirisa mananeo a puso a nyeletso lehuma. A re ditirelo tse dingwe tsa bone di akaretsa go thusa go tlatsa dipampiri e ka tswa e le tsa PPADB kgotsa go thusa gone go kwala moalo wa kgwebo. O tladitse ka gore ba buletse Motswana mongwe le mongwe dikgoro. Rre Phologolo o tsweletse ka gore ba ruta gape ka tsa ipapatso, a supa fa dinako tse dingwe o kgona go fitlhela mogwebi a dira dilo fela tse di jesang matlho monate, di kgatlhisa mme a bo a palelwa ke go ipapatsa mo go felelang fa gongwe kgwebo e phutlhama. Rre Phologolo o ne a supa gape fa bagwebi ka bontsi ba sa itse go kwala dibuka tsa kgwebo tse di ba lemotshang gore a kgwebo e a gola kana jang. A re dibuka ke tsone konokono mo kgwebong ka di supa kgolo, dipoelo le kwelotlase ya kgwebo. O ne a supa gape fa go na le dithutuntsho tse ba lopang mogwebi madi a a kanang ka P240, mme e bile dithuto tseo di tsaya malatsi a le matlhano go di anywa, a tlatsa ka gore bogakolodi jo bongwe ke mahala. E rile a tswa la gagwe , Kgosi Obuile Mambo wa Mambo, a akgola maiteko a mantle a a dirwang ke ba lekalana la LEA ka ba thusa go tokafatsa matshelo a bone e bile ba thusa go tsisa lesedi la thuto. O kgothaditse banana ba motse wa gagwe go ikemela ka dinao, ba emise go nna ba lapisa batsadi ba bone ka go kopa tsele le tsele. A re o itemogetse fa banana segolo jang borre ba na le tlhong e ntsi mme e bile a supa fa ditlhong di jesetsa mo lesweng ka go se ope yo o tlaa atlegang fa a le ditlhong. O tsweletse ka gore ga go na selo se se botlhoko jaaka go kopela ruri. A re Batswana ba tshwanetse go ikitaya ka thupana go tokafatsa matshelo a bone ga mmogo le gone go intsha mo lehumeng. O ba rotloeditse gape go tsaya dikgato tse di maleba ka matshelo a bone. “Ke batla gore ka moso a bo le fa bopaki gore LEA e kile ya re thusa go namoga mo lehumeng, etelang ba LEA le kope dithuso,” ga bua Kgosi Mambo. Mongwe wa banni ba motse oo, Mme Mmadijo Gola o ne a leboga go menagane ka a ne a nyoretswe dithuto tsa kgwebo ka le ene a ne a na le keletso ya go itshimololela kgwebo mme a sa itse gone go kwala moalo. “Ke ntse ke itsapa go ya Masunga go ya go kopa bogakolodi ka kakanyo ya kgwebo ya me mme ebile ke ne ke setse ke itlhoboga,”a latlhela.
economy_business_and_finance
3
Temo e tshwanetse go tokafadiwa
Modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Douglas Tlharese a re ngwaga o o fetileng go dirisitswe P220 million go reka merogo kwa mafatsheng a mangwe ka jalo Batswana ba tshwanetse go ema ka dinao go tokafatsa temo ya merogo. Rre Tlharese o buile jalo fa a simolodisa ka fa mokgweng letsatsi la temo ya masingwana a merogo kwa Ghanzi bosheng. O boleletse batsena letsatsi leo gore fa banni ba Ghanzi ba ka ema ka dinao, mo dingwageng tse di tlang kgaolo ya Ghanzi e ka dira botoka fela thata mo temong ya merogo. Rre Tlharese a re letsatsi le le tshwanang le leo ke la go tsholetsa le go rotloetsa temo ka ditsela tsotlhe tse di tlhokafalang le go leka go isa melaetsa kwa bathong gore ba kgone go nna le kitso ya temo ya merogo le go tokafatsa fa ba tlhaelang teng. Modulasetilo Tlharese a re fa Batswana ba ka ema ka dinao ba tlaa tokafatsa itsholeleo ya lefatshe leno ka temo mme la emisa go ikaega ka teemane e le nosi. Modulasetilo o boleletse batsena letsatsi leo gore mmaraka wa mafatshefatshe o batla dijo tse di bolokilweng sentle e bile di na le boleng jo bo tlhokafalang gore di kgone go bona theko e e siameng. Rre Tlharese a re go gaisana ga balemi botlhe go tswa mono le kwa mafatsheng a mangwe go laolwa fela ke boleng jwa dijo tse ba di ntshang. A re dinako tsotlhe fa ba lema ba tlhokomele masimo a bone sentle. Modulasetilo a re bosheng lebenkele lengwe le legolo le ne la nna le keletso ya go reka merogo mo lefatsheng leno mme mathata ya nna boleng jo bo kwa tlase le ditlhotlhwa se di kwa godimo mme gape ba palelwa ke go isa dilo ka nako e ba e dumalaneng. Rre Tlharese o rotloeditse balemi go bereka thata gore ba kgone go itepatepanya le mmaraka wa lefatshe leno. A re maduo a a kwa tlase a temo ya merogo mo lefatsheng leno ga a itumedise puso le lephata la temo thuo. Erile Rre Emmerson Ngalombi yo e leng mookamedi wa lekgotla la balemi ba merogo kwa polasing ya ga Rre Chris Wilcot a akgela mo letsatsing leo a tlhalosa fa ba ne ba simolola ka go dira tshingwana e e neng e fepa kampa ya Takadu ka merogo e le nosi. A re ka ngwaga wa 2010 ba ne ba simolola go oketsa masimo a bone gore a nne bophara ka jalo ba ne ba simolola go rekisetsa mabenkele a a kwa Ghanzi jaaka la Choppies le Spar. Rre Ngalombi o boleletse batsena letsatsi leo fa temo ya merogo e tlhokana le tlhokomelo e ntsi gore e tswe maduo a a kwa godimo. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Spar e abela sekole
Ga gona selo se se itumedisang se ba se tlatsa pelo ka boitumelo jaaka go amogela mpho go tswa mo mothong yo mongwe e bile o sa e solofela. Bana ba sekolo sa Linchwe ba ba tshelang ka bogole kwa Mochudi ba ne ba segofadiwa ka dimpho tsa dibuka le melora go tswa mo khamphaning ya Spar mo Mochudi. E rile mongwe wa bagolwane ba Spar a aba dimpho tseo a supa fa ba araba selelo sa ga Tautona sa go neela ba ba tlhokileng lesego la go nna le dilo tse ba ditlhokang. Rre Gapolang Botsie a re go neela ke taelo go tswa kwa Modimong mme yo o neelang o segofala go gaisa ene yo o amogelang. A re ka jalo se ba se dirang ke karolo nngwe e ba e ipeileng pele gore ba tla busetsa kwa batswaneng ka ba eme kgwebo ya bone nokeng. Rre Botsie o ne a tlatsa ka gore e er entswa ba ne ba diega gotla mme ba kgone go tlisa tse ba neng ba di solofeditse. O ne a ema bana ba sekolo seo ka lefoko ka go ba kgotlhatsa gore ba itse gore thuto ke boswa jo ba sa kakeng ba bo lwela le ope mme ka jalo ba e tseye ka tlhwaafalo. Botsie o ne a ba lemotsha fa botshelo e le mosepele o ba kopanang le dikgwetlho mo go jone mme ba seka ba ineela ba tshephe mo modimong. A re o itse sentle gore ba na le ditalente ka go farologana mmeke tsone tse di ka ba neelang botshelo fa ba di dirisa ka fa go tshwanetseng ka teng. Rre Botsie a re a lemogile fa bontsi ja bone bo tshela ka go tlhoka pono mme seo ga se reye gore ke phelelo ya botshelo ja bone. Mongwe wa bana bao Rre Phenyo Matengu a re o lebogela dimpho tseo ka ebile di tla fa neng ba sa di solofela teng. Mokhnaselara wa kgaolo Rre Shaanyana Setoutwe a re ke boitumelo jo bogolo mo go bone gore ka kompone ya Spar ba bo ba bone go tshwanela gore ba neele mo sekolong sa bone. A re go nna segole ga go reye gore ga o na bokgoni mme a kgotlhatsa bana ba sekolo seo go dira ka natla mo go se ba se kgonang mme ba tla bona maduo a sone. Rre Setoutwe a re o itse ba-na-le bogole ba le bantsi ba ba kgonneng go fitlhelela ditoro tsa bone ka jalo a re o dumela gore le mo go bone o itse gore ba ka kgona.
education
4
Batsadi ba ngongorega ka Matsha
Batsadi kwa Letlhakeng mo kgaolong ya Kweneng, ba ngongoregela tsamaiso ya sekole se segolwane sa Matsha, se se kwa motseng wa Kang. Ba ntshitse matshwenyego a bone mo phuthegong ya kgotla e e neng e rulagantswe ke barutabana ba sekole seo ka moono wa go rerisana le batsadi go tlhabolola boleng jwa thuto. Batsadi ba tlhalositse fa ba sa kgotsofalele boikarabelo jwa bodiredi jwa sekole seo ka ntlha ya boitsholo jo bo makgasa le go palelelwa ke dithuto ga bana. Ba ngongoregile ka tlhaelo ya barutabana e ba tsereng lebaka ba lela ka yone. Ba re matsapa ke gore fa go fudusiwa barutabana bangwe koo, go tsaya lebaka gore diphatlha tsa bone di kabiwe. Ba ne ba kopa botsamaisi jwa sekole seo go tsaya boikarabelo jwa go tokafatsa maduo a sone. Batsadi bangwe ba re fa sekole se sa dire sentle, baithuti ba felela ba tswa mo tseleng. Ba re seemo sa maduo a a kwa tlase se tshwanetse go tsibogelwa ke batsadi le barutabana, jaaka Motswana a re ngwana sejo, oa tlhakanelwa. Batsadi ba re mathata a sekole seo a tswa kgakala mme a ka rarabololwa ka go tlhopha komiti ya tlhokomelo kgodiso ya bana gore e thusane le barutabana go betla isago ya baithuti. Mogolwane wa barutabana, Rre Otsile Maapatsane, o ne a tlhalosetsa batsadi gore barutabana ba tshwaragane le bothata jwa gore batsadi ga ba tle diphuthegong tsa batsadi le barutabana go tla go utlwa ka boitshwaro jwa bana ba bone le go neelana megopolo ya go bo tokafatsa. O ne a supa gore tlhaelo ya barutabana e a tshwenya mme ba ka kgona mathata a sekole fa ba tshwaragane le batsadi. O gakolotse batsadi gore fa barutabana ba otlhaya baithuti, ba a bo ba sa ba sotle, maikaelelo e a bo e le go ba aga. Rre Maapatsane o tsweletse ka go nankola dikgwetlho tse ba lebaneng natso jaaka boimana jwa bana, jo a bolelang bo atile mo mophatong wa bone. BOKHUTLO
education
4
Keikelame o kopa tirisano mmogo
Kgosi Galekganelwe Keikelame wa Mogorosi kwa kgaolong ya Legare o ikuetse mo go beng ba leruo le balemi go nna le tirisano mmogo segolo bogolo ka nako ya temo. Kgosi Keikelame o dirile boikuelo joo bosheng mo potsolotsong. O ne a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke dipego tsa tshenyo ya leruo kwa masimong. A re mo nakong eno ba setse ba gatisitse dikgang tsa mofuta oo di le mmalwa. Ka jalo a re go botlhokwa gore beng ba leruo le balemi ba dirisanye mmogo go tila diphapaang ga mmogo le go thoka kutlwisisano mo gantsi go nnang teng fa leruo le sentse kwa masimong. A re beng ba leruo ba tshwanetse go itse fa e le tshwanelo ya bone go le tlhokomela ka dinako tsotlhe go le itsa go senya dijwalo mo masimong. O gateletse thata fa mo nakong eno leruo le tshwanetse la salwa morago e bile le tlhatlhelwa maitseboa. Fa a itebaganya le balemi, Kgosi Keikelame a re ba tshwanetse go disa masimo a bone e bile ba a agelele. A re go lema fela mo lebaleng le gone go phuaganya masimo ga se yone tsamaiso e e tlhokafalang ka jaana go dira jalo e le tshenyo ya madi a puso. A re puso e dirisa madi madi go leka go tlamela Batswana ka ditsompelo tsa temo gore ba ithuse lefatshe go ntsha dijo tse di lekaneng, mme go a swabisa gore go bo go na le bangwe ba ba sa tseyeng tsia temo le ntswa e le yone e e ka ba namolang mo lehumeng le le ba tseneletseng. Bokhutlo
economy_business_and_finance
3
Bojalwa le go kgweetsa ga di tsamaelane
Moanamisa mafoko wa sepodisi sa Botswana, Assistant Commissioner Dipheko Motube, a re mapodisi a tshwenngwa ke dipalo tse di golelang pele tsa batho ba ba kgweetsang ba sena diteseletso tsa go kgweetsa e bile ba itshietse nnotagi. Mo potsolosong bosheng, Rre Motube, o boletse fa seemo sa dikotsi se tshwenya ka malatsi a boitapoloso. Le fa go ntse jalo, a re ka malatsi a ga Tautona a a sa tswang go feta, dipalo tsa dikotsi di wetse tlase gosenene. “Le ntswa go nnile le dintsho, re lemogile kwelo tlase ya ditlamorago tsa go kgweetsa ka bohahalele. Ngwaga wa 2019 re ne re na le dintsho tsa dikotsi tsa tsela di le tlhano le dikgobalo tse di masisi di le lesome.” Rre Motube a re monongwaga go nna botlhaswa ga bakgweetsi go bakile dintsho tsa batho ba le bararo le dikgobalo di roba bobedi, tse tsotlhe e leng bontlha bongwe jwa dikotsi tse 186 tse di diragetseng ka malatsi a boikhutso a letsatsi la ga tautona. A re ba gatisitse melato ya go kgweetsa ka lebelo le le feteletseng e le sekete le masome a mararo le boroba bobedi ka malatsi a boitapoloso. A re ba ne ba tshwara bakgweetsi ba le makgolo a supa, masome a mabedi le bone ba ba neng ba kgweetsa ba sena teseletso. Rre Motube a re mo palong eo, bontsi ke ba ba senang diteseletso tsa go kgweetsa gotlhelele, fa bangwe ba ne ba re ba di lebetse, fa tse dingwe di dule mo tirisong. “Ka nako ya fa re emisa batho go tlhatlhoba dikoloi tsa bone ka malatsi a, re fitlhetse ba le makgolo a mane le masome a supa ba kgweetsa ba sa dirise mabante a itshireletso,” a tlhalosa jalo A re monongwaga dipalo tsa ba ba kgweetsang ba sena teseletso tsa go kgweetsa le ba ba sa diriseng mabante a itshireletso di oketsegile. Rre Motube a re ba tshwentswe gape ke dipalo tsa dipetelelo tse di akaretsang bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le botlhano. “Re nnile le dipetelelo tsa bana ba ba dingwaga tse di lesome le botlhano, lesome le bobedi le ba dingwaga tse supa ba le babedi.” Mo tiragalong e nngwe, Rre Motube a re mosetsanyana yo o dingwaga tse di lesome le bobedi o ne a tlogetswe le rre yo o dingwaga tse di lesome le boferabobedi mme a sala a mmetelela. Mo go e nngwe Rre Motube a re rre wa dingwaga tse masome a mabedi le borobabongwe o ne a betelela ngwana wa dingwaga tse thataro kwa kgotleng ya Kgaphamadi kwa Maun fa a ne a kopilwe go sala a mo tlhokometse. A re bomme ba le lesome le bosupa ba ne ba betelelwa ba tswa kwa marekisetsong a bojalwa mme ba dirisa tsela tse di sa sireletsegang. Rre Motube a re ditiragalo tse tsa petelelo di diragaletse kwa Jwaneng, Maun le Charles Hill. Assistant Commissioner Motube a re ditlhotlhomiso di tsweletse gore babelaelwa ba tle ba lebisiwe melato.
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Palapye o amilwe ke dikgang tsa phiro
E re jaaka motse wa Palapye o tsweletse ka go tlhabologa, dikgang tsa mohiri le mohiriwa le tsone di golela pele. Banni ba Palapye ba supile fa se se sa ba jese diwelang ka Batswana ba jewa ntsoma ntswa dikompone tse di mo motseng oo di duelwa ke puso. Fa ba bua mo phuthegong ya kgotla, e e neng e tshwerwe ke tona wa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu, baagi ba tlhalositse fa dikgang tse di ba apesitse kobo ka letshoba, ba tlhalosa fa ofisi ya pereko kwa Palapye e retelelwa ke go tseela bahiri le bahiriwa ba ba sa tleng fa ba bidiwa dikgato. Bontsi jwa bone, bogolo jang banana, ba tlhalositse fa ba latlhegetswe ke ditiro e se ka fa tsamaisong, ba ba sena go gana go fetisa dithoto tse di sa dirwang sentle. Ba re go fetisa dithoto tse di sa dirwang ka tlhamalalo go supa go tlhoka boikarabelo e bile go senyetsa puso madi, ka e felela e tsena mo mathateng e tshwanelwa ke go baakanya, dikompone tsa batswakwa tsone di tsamaile. Mafoko a bone a ile a gatelelwa ke mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya, yo o neng a tlhalosetsa tona fa dikgang tse e le boammaaruri, a re dikgotla tshekelo tsa dikgang tsa khiro mo lefatsheng leno ga di a lekana, ka jalo go tlhokega gore di okediwe mme a kopa gore nngwe ya tsone e agiwe kwa Palapye gore baagi ba Palapye le metse e e mabapi ba kgone ba bone ditirelo gaufi. O kopile tona gore fa dikompone tsa Batswana di na le bokgoni, e nne tsone tse di abelwang ditiro. Rre Batshu o tlhalositse fa bothata jo bo ka alafiwa ke paakanyo ya molao, gore o neele ba ofisi ya pereko dithata tsa go gatela ba ba sa obameleng taelo ya bone dikgato. O solofeditse gore ofisi ya gagwe e tlaa sekaseka go baakanya molao wa phiro, go itebaganya le dikgang tse. BOKHUTLO
society
9
Tshwaragano e botlhokwa mo twantshong ya malwetse
Mokhanselara wa Leralal/Maunatlala, Mme Malebogo Phuthego a re tshwaragano ya setshaba le puso e ka thusa mo ntweng kgatlhanong le bolwetse jwa kgotlholo e tona. Fa a bua mo potsolosong morago ga letsatsi le le neng le rulagantswe ke lekgotla la tsamaiso botsogo mo Palapye (DHMT) le maikaelelo a lone e neng e le go sekaseka loeto mo ntweng kgatlhanong le bolwetse jwa kgotlholo e tona, a re tswaragano e, ga e bue ka tshwaragano ya puso e le nosi, e akaretsa Motswana mongwe le mongwe go tsenya letsogo ntweng kgatlhanong le kgotholo e tona go ya kwa ngwageng wa 2035. Mme Phuthego yo gape e leng modulasetilo wa komiti ya thuto ka tsa botsogo mo khanseleng-potlana ya Palapye a re bolwetse jwa kgotlholo e tona bo setse bo tsere phekelo e sele, a supa fa go tshwerwe balwetse ba kgotlholo e tona ba le 6 000 ka 2016 mo Botswana ka bophara. A re go nna le palo ya balwetse ba kgotlholo e tona ba le diketekete mo lefatsheng le le tswereng palo potlana ya batho ke kgwetlho e e batlang gore setshaba se tswaragane go fokotsa le go fedisa dipalo tseo. A re mo palong ya 6 000, ba le 392 ba tlhokafetse ka ntata ya kgotlholo e tona, a supa fa go tlhokafala e le go bo bangwe balwetse ba feletsa ba sa tseye dipilisi sentle fa bangwe ba feletsa ba tlogela dipilisi tsa bolwetsi joo mo tseleng. A re balwetse ba kgotlholo e tona ba tshwanetse go sala ditaelo tsa ba botsogo morago tse di supang fa kalafi ya bolwetse jwa kgotlholo e tona e tsaya dikgwedi tse thataro, a tlatsa ka go re go sala ditaelo tsa ba botsogo morago go ka fodisa yo o iphitlhelang a tshwerwe ka bolwetsi jwa kgotholo e tona. Mme Phuthego a re ka 2006 mo Palapye go tshwrere batlwetse ba le 108 ka kgotlholo e tona mme ba le barataro ba latlhegelwa ke matshelo, selo se a supileng fa e le dipalo tse di kwa godimo thata. O kaile fa bolwetsi jwa kgotlholo e tona le mogare wa HIV e le di ya thoteng, ka jalo a rotloetsa setshaba go itlhatlhobela malwetse ao go kgona gore a laolesege go sale nako. Fa a ema setshaba ka lefoko, Rre Kelatlhegile Gontse yo e kileng ya nna molwetse wa kgotlholo e tona ka 2013 o ne a rotloetsa setshaba go sala ditaelo tsa ba botsogo morago. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Samuel Maforaga wa kgotla ya Serorome mo Palapye o ne a iteela kobo moroko ka go rotloetsa banni ba motse oo go itlhatlhobela malwetsi mme e bile a kopa borre go dira learo le le babalesegileng la borre. A re go tlhoka go dira learo le le babalesegilegileng la borre go tsenya motho wa rre mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse a tlhakanelo dikobo. Letsatsi le le ne le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng Tshwaragano go Fedisa Bolwetse jwa Kgotlholo e Tona. BOKHUTLO
education
4
Ba Mosinki ba lebogela thuto ya bana
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mosinki gaufi le Molepolole, Mme Tebalo Nchoko a re banni ba koo ba lebogela go menagane lenaneo la go isetsa bana ba bone ba babotlana thuto. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Nchoko a supa fa mo lebakeng le leleele bana bangwe ba koo ba ne ba tlhoka go akola thuto ka lebaka la sekgala se seleele go tswa Mosinki go ya Molepolole kana Thebephatshwa. A re batsadi ba bana bao ba ne ba sa kgone ditshenyegelo tsa go pega bana letsatsi le letsatsi ka ba le ’ikobo dikhutshwane. A re le fa mo nakong eno go santse go le bokete mo batsading bangwe, e le komiti ya ditlhabololo ba tsweletse ka go tlhomamisa gore bana ba ya sekoleng. O ne a supa fa a akgola batsadi ba a reng ba ntsha di-tsa bone go tlhomamisa gore bana le ba e seng ba bone ba ya sekoleng. A re se se supa fa mowa wa boithaopo le tirisanyo mmogo di le teng mo baaging. E ne ya re fa a tswa la gagwe, mogolwane mo lekalaneng la Out of School Education and Training (OSET) le le itsegeng ka leina la Thuto ga e golelwe, Rre Meshack Kgopana a kaya fa lekalana leo e le lengwe la a lephata la thuto mme maikaelelo a lone e se go isetsa bagolo fela thuto. A re ba simolotse lenaneo la thuto ya bana ba bannye go tswa kwa moding mme a supa fa ba ne ba lemoga gore letlhoko la lenaneo leo le teng kwa Mosinki. A re selo se ba se itumelelang ke gore bana ba Mosinki ba na le kgatlhego mo lenaneong le. Rre Kgopana o tlhalositse fa lenaneo leo le akaretsa bana ba ba tlodilweng ke sekole e le tsela ya go ba suga gore ba nne mo seemong sa go tsena sekole. O boletse fa ba thapa barutabana le go fa bana bao dijo e le tsela ya go imolola batsadi morwalo. Le fa go ntse jalo, Rre Kgopana o ne a ikuela mo batsading go tlhomamisa gore bana ba ya sekoleng ba le mo seemong sa go ka rutwa.BOKHUTLO
politics
7
Maphata a puso a abela lelwapa dimpho
Mme Maipelo Samarabi le ba lelwapa la gagwe ba amogetse keresemose pele ga nako, jaaka maphata a Bajebareki (Consumer Affairs), la Dikitsiso (Information Services) le la Kgaso (Broadcasting Services) ba ne ba ba abela dijo, melora le diaparo, ka Labotlhano Sedimonthole a tlhola malatsi a marataro kwa Selokolela, mo kgaolong ya Borwa. Kgosi ya motse oo, Rre Koorapetse Legabala, a re maphata a a diragaditse yone toro ya ga tautona, ya go namola bao ba kobodimagetleng; mme a boa a rotloetsa gape le Batswana go ipelega. Rre Legabala a re maphata a mararo ao a puso a bone go tshwanela gore ba supe bopelotlhomogi ka go ithaopela go thusa mongwe yo o tlhokileng lesego mo setshabeng. O bile a kgothatsa dikomiti tsa motse wa Selokolela gore le bone ba tseye malebela, ka go twe, “dilo makwati…”, le bone ba ithaope, ba bone mongwe yo o tlhokileng lesego, yo ba ka mo tswang thuso. Rre Legabala a re banni ba Selokolela ba seka ba nna bo atlarelang fela, le bone ba ntshe dithuso ka fa ba ka kgonang ka teng; le gone go tlhokomela le go lebogela dithuso fa motho a dulwe matshidiso. Fa a buwa ka maikaelelo a letsatsi leo, moemedi wa komiti ya botsogo ya maphata a mararo a, Rre Topo Monngakgotla, o ne a supa fa ba tswa kwa komiting ya botsogo e e bopilweng ka maphata a mararo e bong la Baje-bareki, Dikitsiso le la Kgaso. Rre Monngakgotla a re kwa maphateng a ba bua ka botsogo. A re mme ba ne ba seka ba iteba ba le bosi, a re ba ne ba bona go le botlhokwa go batla mongwe yo o tlhokileng lesego yo ba ka mo thusang. O boletse fa ba ne ba ntsha P100.00 mongwe le mongwe wa bone, mme ba simolola fela ka go rulela ntlo ya ga Mme Samarabi, mme ka mo go neng go setse ba rekela bana diaparo le dijo. A re ntle le seo, moono o mongwe wa bone e ne e le go aba diaparo tse dikgologolo mongwe le mongwe wa bone. Rre Monngakgotla a re ba itse gore ga go a lekana, mme gone, “sejo sennye ga se fete molomo”. O bile a re ba dirile se ba gopotse mafoko a ga tautona a gore badirelapuso ba seka ba iteba ba le bosi mme ba gopole setshaba se ba se direlang, ka go se thusa ka tsela tsotlhe. A re gape ba getlhilwe ke letshego la tebelopele ya setshaba la tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgatala ka batho ba yone.
society
9
Ba jwala ditlhare tsa meriti
Badiri ba lephata la banana, metshameko le ngwao kwa Tutume ba jwadile ditlhare tsa meriti di le lesome le botlhano kwa kgotleng ya Tutume. E rile a simolodisa tiro eo ya go jwala ditlhare kwa kgotleng eo bosheng, mogolwane go tswa ko lephateng leo Mme Reginah Ntlhe a bolela fa mo mananeong a bone a go direla setshaba ba ne ba tlhopha go jwala ditlhare mo kgotleng. Mme Ntlhe a re kgotla ke lefelo le go phuthagelwang mo go lone, ka jalo ba bona go tshwanela go jala ditlhare tseo tsa meriti gore setshaba se seka sa bolawa ke letsatsi fa ba tsile pitsong. A re gape ditlhare di tlisa tebego e ntle ya tikologo, ka jalo di tsile go fetola tebego ya kgotla eo di e beye mo seemong se se tlaa tlhang leitlho la yo o fetang gaufi le yone. O ile a re kago ya leobo e e agiwang le yone e ne ya ba gwetlha go jwala ditlhare tseo go leka go kgabisa kgotla gore bontle jwa kago bo tle bo tsamaelane le ditlhare tseo, mme a tlhalosa fa ba di filwe ditlhare ke ba lephata la dikgwa le dibapalwa nageng. Mme Ntlhe o tsweletse a bolela gore le fa ntswa e le ditlhare tsa meriti, tse dingwe maungo a tsone a a jewa jaaka sa motsentsela le morula. Kgosi Alphonse Nsala wa Tutume, o ne a leboga badiri bao go bo ba bone go tshwanela go kgabisa kgotla ya gagwe, a re ke maiteko a mantle thata. Kgosi a re ba ntse ba sena kwa ba tshabelang letsatsi teng, ka jalo ba dule batho mme a kopa ba lephata la dikgwa le dibapalwa nagenggo ba thusa le go ba gakolola ka tlhokomelo ya ditlhare tseo. O ne a nesetsa lephata leo le babereki ba lone pula, a re ditlhare tseo di tlaa oka batho go tsena diphuthego tsa kgotla ka ba tla nna le kwa ba tshabelang letsatsi teng. BOKHUTLO
arts_culture_entertainment_and_media
0
Mokgatlho o lwantsha tiriso botlhaswa ya bojalwa le ditagi
Mokgatlho oo tlhokomelelang malwetse kwa malwapeng wa Otse Home Based Care o itlamile go lwantsha tiriso botlhaswa ya bojalwa le ditagi tse di tsweletseng ka go tsenya matshelo a banana mo diphatseng. Fa a bua mo potsolotsong, mogolwane wa mokgatlho oo, Rre Alfred Ntshonono, o boletse fa e rile ka a 2015 ba dira tumalano le ba lephata la botsogo go thusa mo letsholong la Fokotsa Dino. A re tumalano eo ya dingwaga tse tharo, e fela kgwedi ya Lwetse e ya fifing monongwaga, mme ba setse ba thusitse banana ba le bantsi go tlogela tiriso ya bojalwa le ditagi. A re lephata la botsogo le boitekanelo le file mokgatlho oo P3 million go mo dirisa mo letsholong la Fokotsa Dino. Rre Ntshonono o buile jalo jwa dipuisanyong le bana ba dikolo, bagwebi, ba-na-le-bogole le balwetse ba ba mo ditiribatsing. A re o itumelela tshwaragano le tirisanyo mmogo ya bone le baeteledipele ba motse, bagwebi le morafe ka kakaretso go lwantsha tiriso botlhaswa ya bojalwa le ditagi gonne di senyetsa banana bokamoso. “Setswana sa re moroto wa esi ga o ele, ka jalo ke akgola botlhe ba ba re emang nokeng go thusa puso go lwantsha mmaba o. Ke maikarabelo a mongwe le mongwe go fokotsa tiriso botlhaswa ya dino le ditagi ka e ama mongwe le mongwe,” Rre Ntshonono a tshwaela. Le fa go ntse jalo, a re ba kopane le dikgwetlho di le mmalwa mo letsholong le. Nngwe ya tsone ke thekiso ya majalwa a a sa letlelelweng. O tsweletse a bua gore e rile ditlhwatlhwa tsa bojalwa di okediwa, batho ba ne ba bona go le botoka go dirisa motokwane gore ba tagiwe ka bonako ka ba re bojalwa bo a tura. Rre Ntshonono a re batho bangwe ba motse wa bone ba na le a go dira majalwa a a sa letlelelweng, mme fa ba tshwarwa ba re ga ba rekise ba itiretse fela go nwa le masika le ditsala. “Bojalwa jo bo letlelelwang fela go omelwa mo malwapeng ke jwa Setswana mme pele o bo omela o kopa tetla kwa go kgosi mme o omele fela fa kopo ya gago e atlegile,” a tlhalosa fa a tswa la gagwe, Kgosi Mothusi Tsetse o buile fa ba sa robadiwe ke thekiso ya majalwa a a itirelwang mo malwapeng. “Majalwa a a borai ka gore re etse tlhoko fa ba sa a apeye sentle jaaka go tshwanetse mme seo se dira gore a nne bogale le go feta,” a tlhalosa. A re bojalwa jo bo itsegeng ka leina la setiripa kgosi ke bone bo tsentseng tsebetsebe mo motseng wa gagwe. Kgosi Tsetse o buile fa gape bojalwa joo bo seo gope mo molaong wa lefatshe leno o o tsamaisang thekiso ya bojalwa ka jalo go ba ketefeletsa tiro gore ba ka dira jang go fedisa thekiso ya jone. Kgosi o tlhalositse gape fa ba tshwenngwa ke batsadi ba ba neelang bana ba dikolo motsoko le motokwane gore ba ba rekisetse kwa dikolong. “Matshwenyego a a kwa dikolong a matona ka jalo re ne ra bona go le maleba go tlhama komiti ya PTA-Stakeholders maikaelelo a yone e le go lwantsha matshwenyego a a kwa dikolong jaaka tiriso botlhaswa ya bojalwa le ditagi le boitshwaro jo bo sa amogelesegeng,” ga bua kgosi. BOKHUTLO
health
6
Ofisi ya mopalamente e abetse baithuti
Mopalamente wa Nkange,Rre Edwin Batshu yo o bileng e le tona ya pereko le selegae o abetse baithuti ba ba tlhokang ba le lekgolo le masome matlhano le bongwe ba sekole se segolwane sa Tutume McConnell college dikobo di le lekgolo le masome a matlhano le bongwe. Fa a aba dikobo tseo, mo boemong jwa ga Rre Batshu,mokwaledi wa ofisi ya mopalamente wa kgaolo ya Nkange,Rre Nganu Kuswane o ile a gwetlha baithuti bao go tlhoafalela thuto. Rre Kuswane o boletse fa ba lesego ka mogokgo wa sekole seo le ene o nnile mongwe wa ba tseneng mo sekoleng seo le ene tota ke bangwe ba setlhopha sa bobedi go tsena mo teng morago ga go bulwa ka dingwaga tsa bo 1971. A re seo se ba fa lesedi la gore fa ba ka tlhoafalela thuto ba tlaa goroga fa ba leng teng gompieno ka ntlha ya thuto e ba e amuleng ka dinako tsa bone. Rre Kuswane o ne a bolela fa lefatshe le lebanwe ke kgwetlho e tona ya kwelotlase ya itsholelo ka jalo go se motlhofo go tlamela mongwe le mongwe. A re go supa fa kwelotlase eo e sa ame lefatshe fela,le batho le yone itsholelo e wela tlase. O tsweletse a bolela fa seo e le sone se se gwetlhileng tona Batshu go bona fa go tshwanetse go thusana le puso go abela ba ba tlhokang. A re gape e ne e le bontlha bongwe jwa go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba ya 2016 la setshaba se se kutlwelobotlhoko,se se tlhokomelang batho botlhe. O ile a bolela fa sekole seo e ne e le dingwe tsa dikole tse di neng di melediwa mathe ke batho,ka jalo a gwetlha baithuti bao go tsosolosa serodumo seo,a bo a ba gwetlha gape go nna le tebelopele mo matshelong a bone mme ba tlhoafalele thuto gore kamoso ba bo ba abela ba bangwe. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Tutume,Rre Ishmael Mokgethi o ne a galaletsa tiro e ntle e e dirilweng ke Rre Batshu go abela bana bao, a supa fa mpho eo e tsile ka nako e e lebaneng ya mariga. Rre Mokgethi a re seo se tlaa tlisa pharologanyo mo matshelong a bone.A gatelela ka go ba kopa go somarela mpho eo. O ile a ba gwetlha go tlogela mokgwa wa go senya dithoto tsa sekole le go dira ditiro dingwe tsa botlhoka tsebe,a re tseo ga di kake tsa ba isa gope mme ba inaakanye le thuto go ipetlela isago.
education
4
Lefelo la matlakala le jelwe ke molelo
Khansele ya Kgatleng e ntse e tshwaragane le namane e tona ya tiro ya go tima molelo o o neng wa tlhagoga kwa lefelong la matlakala kwa Pilane. Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong, a re ga ba itse se se bakileng molelo oo mme ba ne ba ragoga go ya go o tima. E rile a bua mo potsolosong ka Labone, o ne a supa fa molelo oo o na le malatsinyana o ntse oo sha mme lephata la bone la go tima molelo le ntse le eme ka dinao go o tima. Rre Morolong a re e rile molelo oo o simolola, o ne o le bogale mme ba tshwanelwa ke go kopa thuso ko lephateng la sesole la ditima molelo mme ba kgona go o tima. A re sebe sa phiri ke gore fa ba akanya gore o fedile o kuketsa ntlha e nngwe gape ka gore matlakala ao a setse a itirile thaba mme go bokete go ka tima nako e le nngwe. Modulasetilo a re mo nakong e e fetileng go kile ga tlhagoga molelo wa mofuta oo mme ba thusiwa ke gore pula e na ya na ka bontsi ka nako eo mme molelo wa tima. Le fa go ntse jalo, a re ba tlaa tswelela ba tima molelo oo go fitlhela o felela. O ne a tlatsa ka gore monko wa mosi wa matlakala ao o tswelela ka go apesa metse e e mabapi bogolo jang Pilane le Rasesa. Ka jalo o kopile banni ba metse eo go ba inela diatla metsing ka bothata joo mme o dumela gore bo tlaa fela mo nakong e e sa fediseng pelo. BOKHUTLO
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Mmamojewa o batla Ipelegeng
Banni ba masimo a Mmamojewa mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba batla Ipelegeng kwa masimong a bone. Banni ba buile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mokhanselara wa kgaolo ya Mantshwabisi bosheng. Ba supile fa ba tsamaya sekgala se se leele go ya go berekela Ipelegeng kwa Mogonono. Mongwe wa banni ba masimo ao, Mme Rre Kekgalelmetswe Mojose o supile fa bontsi jwa bone ele batho b aba nnang mo masimo ngwaga goya ngwageng. O kaile fa Ipelegeng ele yone e ba itshetsang ka yone ka go sena ditiro ntle le Ipelegeng kwa Mmamojewa.Rre Mojose o ne a kopa mokhanselara gore a ba kopele terata ya kgaoganyo mahudiso le go hatolola letamo la Mmamojewa. Rre Nelson Matara ene o ne a kopa gore ba fiwe koloi ya ditonki e e tla isang bana sekolong letsatsi le letsatsi ka ba tsamaya sekgala se se leele go ya sekolong se se botlana sa Mogonono. One gape a kopa gore ba direlwe fa ba tla tseelang teng ditlamelo tsa botsogo ka ba latela botsogo kgakala. O ne a kopa gape gore ele ba dimausu ba fiwe tshono ya go phakisa batlhoki le masiela ka dimausu tsa bone dina le dithoto tse di ka phakisiwang. Rre Matara one a lebogela mokhanselara wa bone gobo a iphile matsapa a go ba lekola. Fa a ba kgwa dikgaba mokhanselara Rre Meshack Tshenyego o ne a supa a tla isa dilelo tsa bone kwa go go ba maleba. O ne a ba kopa gose emele gore a bitse diphuthego tsa dikgotla go la ba ntsha matshwenyego. O ba gakolotse go itshwaraganya le ene ka a ikemiseditse go ba direla. Mokhanselara Tshenyego one a ba gakolola go se kgobege marapo mme ba tswelele ka mowa wa boipelego o ba tswang kgakala ban a le one. O ne gape a kgotlhatsa banana go tsaya mananeo a puso tsia ka a k aba tlhabolola.
politics
7
Tshwarang madi a puso ka pabalesego
Badiri ba puso ba ba dirang le tsa madi go tswa mo maphateng a a farologanyeng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba rotloeditswe go tshwara madi a puso ka pabalesego go hema seemo sa go nyeletsa madi le tshenyetso setshaba e lefatshe leno le sa e beyeng sebete. Moeteledipele mo ofising ya madi a puso mo Tsabong, Rre Daniel Gaserengwe, o buile jaana bosheng mo dipuisanyong tse di neng di rulagantswe ke lephata la gagwe maikaelelo e le go ruthuntsha badiri go goga ka tsela e le nngwe ka fa ba tshwanentseng go tshwara le go babalela madi a puso ka teng. O boletse fa ba gwetlhilwe ke go lemoga fa bangwe ba sa sale melawana morago. Rre Gaserengwe o ne a supa fa tsheneyetso setshaba e bakwa ke bopelotshetlha, dikeletso tse di kwa godimo tsa botshelo, go itlhokomolosa molao, letlhoko le le feteletseng la madi, go batla go nna le madi ka nako tsotlhe. O ne a gakolola batsena dipuisanyo tseo go ikgapha mo go amogeleng dimpho go tswa mo badirising ba ditlamelo tsa puso ka di ka felela di ba raela go inaakanya le tshenyetso setshaba. Moeteledipele mo ofising ya madi a puso mo Tsabong o supile fa ditlamorago tsa tshenyetso setshaba di akaretsa itsholelo e e kwa tlase, go tlhoka go tla ga babeeletsi mo lefatsheng leno, go senyegelwa ke tiro, go ya kgolegelong, go humanega le go felela motho a ikgapela botshelo fa a setse a le mo mathateng. O supile fa badiri ba ba dirang ka madi mo maphateng a a farologanyeng ba tshwanelwa ke go tsaya boikarabelo jwa ka fa a dirisiwang ka teng mo ngwageng mongwe le mongwe wa madi le gone go a tlhokomel. Rre Gaserengwe o supile fa go tshwara madi a puso e le tiro e e kgethegileng, ke sone se ba letlelelwang go thusa Batswana mo maphateng a puso go rirufadiwa ka mokwalo o o beilweng monwana ke baeteledipele ba maphata. O ne a gwetlha badiri go buisana le baeteledipele go tlhomamisa gore lephata lengwe le lengwe la puso le na le sebolokelo sa madi se se nonofileng pele ga a isiwa kwa ofising ya madi. A re go simolodiswa ga maranyane a GABS mo maphateng a puso go thusitse ka go dira tiro motlhofo ka nako e khutshwanefa go tshwantshanngwa le nako e go neng go dirisiwa mokwalo. Mongwe wa baruthuntshi Sub Inspector Motshegetsi Mmunyane o ne a tlhalosa fa go na le bogodu jwa gotsietsa jo bo ileng magoletsa mo dinakong tsa gompieno, a supa fa batho ba tsiediwa ka go reka dikoloi, matlo le dithoto tse dingwe. Sub Inspector Mmunyane o ne a supa fa ba thusa go tlhotlhomisa mo go tseneletseng mo dikgannyeng tsa bogodu jwa madi motho a dirisa maranyane a Facebook, sebalamakgolo kana go reka dithoto tsa bogodu. Fa a leboga, Mme Chenesani Thomaba go tswa mo lephateng la dikitsiso mo Tsabong o ne a galaletsa barulaganyi ba dipuisanyo tse, a supa fa di le maleba. A re di tlaa tiisa babereki moko go tswelela ba dira ka matsetseleko mo go tlhomamiseng gore madi a puso a babalesegile.
politics
7
Monana o galaletsa YDF
Monana wa kgotla ya Dilaene kwa Mahalapye o galaleditse lenaneo la banana la YDF le a tlhalositseng fa le ne la mo rotloetsa ka madi a a kanang ka dikete di le masome a robabongwe le borobabongwe a dipula go simolola kgwebo ya gagwe ya bodiragatsi. Rre Patrick Ketshabile wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro, are toro ya gagwe ya go nna modiragatsi ene ya fetoga go nna boammaaruri, gotsweng letsatsi le a neng a amogela thuso e. O kaile fa a ne a reka diletso tse di tona tse di letsa mo medirong gammogo le diletswa tse di farologanyeng di akaretsa katara, key board le tse dingwe. Rre Ketshabile yo e leng modiragatsi wa moepelo wa sekeresete e bile a na le moopelo ao a setseng a o gatisitse ka ngwaga wa 2009, a re o godile a ntse a na le lorato le le tseneletseng la moopelo. A tlhalosa gore ka se, o ne a seka a ipona tsapa go ka tsweledisa talente ya gagwe ka go tsenelela khwaere ya sekolo jaaka a ne a le kwa sekolong se sebotlana. A re o tsweletse fela jalo a opela mo khwaereng le kwa kerekeng ya gagwe ya Assemblies of God, kwa a tlhalositseng fa a ne aa bona kgolo mo talenteng ya gagwe teng. O kaile fa kopelo e le selo se se gaufi thata le pelo ya gagwe, ka jalo mo go ene e tshwana fela le go hema , o gateletse boleng jwa kopelo mo botshelong ja gagwe a lekalekanya botlhokwa jay one le jwa go tshela. “moopelo o botlhokwa fela thata ka gore fa go le monate re itumetse re a opela, fa go le botlhoko re hutsafese le gone re opela kgalaletso le go isa kgomotso ka kopeleo ebile kopelo e sidila maikutlo”. Le fa go ntse jalo Patrick are mo loetong la gagwe la moopelo, o gwetlhiwa thata ke moopelo wa bagaka ba moopelo wa sekeresete go tswa Aforika Borwa e bong Keke le Desmond Dube. A re kopelo ya bobedi jo e mo tiisa moko le go mo gwetlha go dira ka bokgabane fa go tla mo go tsa kopelo. Rre Ketshabile are o berekile le borre ba tshwana Kitso Mauchasa yo gape eleng ene a neng a golola alebamo ya gagwe ya ntlha e eneng e dbidiwa fela jalo gotwe , “Ke tshephile wena,” le moruti Thuso Tiego gareng ga ba bangwe. Le fa go ntse jalo a re moopelo o one wa seka wa dira sentle ka mabaka a dikgwetlho tse dib a lebanyeng e le baopedi di akaretsa go ntsifatsa dikhasete mo go seng ka fa molaong mo go ba jesetsang mo lesweng e le badiragasi ka moopelo wa bone o itsamaela sesolo lentswa ba senyegetswe ke madi go o gatisa. A re selo sengwe se a se itemogetseng ke gore boranyane bo ntse bo golela pele ka jalo malatsi a go botlhokwa go golola khasete o e patagantse le kopelo ya dibaesekopo ka malatsi a Batswana ba dumela mo go lebeleleng thata gona le go reetsa lentswe bas a bone mong. Ka jalo a re selo se mo pakeng e e latelang fa a golola moopelo wa gagwe o tla a se tsibogela. Rre Ketshabile a re o tshwentswe ke go bo Batswana bas a fe mmino wa sekeresete thotloetso e e kgotsofatsang. Are se se supiwa ke gobo ba dira ditiro tsa boitlhaopo e ele badiragatsi ba mo gae mo meletlong ya maphata a puso mme fa go go nna le melelo e megolo e go tlhokang go tlhapa badiragatsi baa a fetogela mme ba tlhape ba kwa ntle ba go tweng ba ka ngoka sechaba. O kaile fa a diragatsa mo manyalong le mo meletlong ka go farologana mme e bile nako tse dingwe a hirisa tsone di letso tsa gagwe mo medirong. Are lentswa kgwebo e e tsenya madi sebe sa phiri ke gore e dira sentle fa go le malatsi a boikhutso go na le motseletsele ya meletlo. O tlhalositse fa ban a le kgwelho ya baphadisanyi ba ba rekileng diletswa tse di seng turu tsa machiena mme ba inaakantse nabo mo mmarakeng ka ebile bone bas a ture ka jalo ba latlhegelwa ke theko. Le gontse jalo o kaile fa go le botlhokwa gore bareki ba bone ba ise gore diletso tsa tlhwatlhwa di ntsha modumo o o kwetsepa ebile go botlhokwa go hirisa diletso tsa mohuta o go itsa go ya go segwa tsebe ke diletswa tsa melotsana e e sa nnang sentle o ne o re o somarela madi. E re ka Motswana a rile metlhale ya khumo e mafaratlhatlha, e tlhoka balatedi, Rre Ketshabile ya bo e le monana yo o sa emiseng go lora. A re maikaelelo a gagwe ke go bula madirelo la moopelo, ka a lemogile gore mo kgaolong ya legare ba a latela kgakala ko Gaborone le metse e mengwe e metona. O kaile fa maikaelelo a gagwe e le go rekisa diletswa ka go farologana, dibuka tsa moopelo gammogo le moopelo ka go farologana ga one mme se se tona a rulaganya dithuto tsa go lshameka diletswa tseo. Rre Keshabile are dithuto tse di ta a bo di itebagantse le baithuti ka a lemogile fa lore le ojwa lo sa le metsi ka jalo tlhaloganyo tsa bana di tshwara ka pela go na le bagolo. A re lentswa a tla a bo a itebagantse le bana ga a kgaphele bagolo ba ba nang le lorato la kopelo ntle le bone o tla a bo a ba rulaganyeditse. Kwa bofelong o kaile fa a santse a apeile pitsa ya moopelo o a ikaelelang go o golola ka kgwedi ya moranang ka jalo o gwetlhile Batswana go ipaakanyetsa go o amogela ka lorato. BOKHUTLO
arts_culture_entertainment_and_media
0
Tonki e a boga
Kgokgontsho ya ditonki ke tiragalo e e anameng le le lefatshe leno mme ga go na ope yo o iphesang go tsaya kgato kgatlhanong le bosetlhogo jo. E rile fa a bua mo potsolotsong bosheng, kgosi wa Gumare Diteko Salepito a bolela fa se e le kgang e e diragalang malatsi otlhe. O tlhalositse fa tonki e itewa mo go feteletseng ke badirisi ba yone go dirisiwa melamu e o ka reng go bolawa tlou fa ba bangwe ba dirisa le ditshipi tota. Kgosi Salepito a re se se utlwisang botlhoko ke gore bangwe ba e betsa jaana le mororo yone e tsweletse e goga kgotsa e siana. Kgosi o buile gape kgatlhanong le go berekisiwa mo go feteletseng ga seruiwa se, a re motho o kgona go tlhola a e dirisa go lema kgotsa go goga matlhaku mme morago a e palame e ntse e lapile jalo. A re e tlaa bo e itewa mo go utlwisang botlhoko gore e ise mopalami kwa a batlang teng.Kgosi Salepito a re go lebega batho ba tlotla diruiwa tse dingwe go feta tonki, segolo jang pitse le kgomo. A re le fa le tsone di na le go kgokgontshiwa, ga tonki gone ke matlhotlhapelo.Kgosi o boletse fa tonki e le yone seruiwa sa konokono ka e le yone e dirisiwang mo go gogeng sekotsekara se e leng koloi ya kwa magaeng, go goga matlhaku le mapako a go aga tshimo ga mmogo le go tlhatlhela dikgomo. Kgosi o ngongoregile gape ka go tshujwa ga diruiwa ka tshipi ya lotshwao, a re batho bangwe ba tobeletsa tshipi e thata mme e tlogele ntho e e masisi. Kgosi Salepito o ikuetse mo setshabeng go emisa bosetlhogo jo.E rile fa a akgwa kgosi kgaba, mogolwane wa motse oo, Rre Bonang Kamanakao a re se ke kgang e e tshwenyang e bile e setse e tlwaelesegile ka batho ba itebisitse go sele. A re bosheng ba ne ba bona tonki e pannwe ka terata e bile e lebega e le mo botlhokong jo bo seng kana ka sepe ka e ne e tshologa madi fa e bofilweng teng. Rre Kamanakao a re tonki e ne e eme golo go le gongwe le go fula e sa fule mme e rile ba leka go e thusa ga retela ka e ne e lwa e sa batle motho fa thoko ga yone mme ya felela e sule ke lenyora, tlala le botlhoko.Rre Kamanakao o kopile morafe go tlhokomela tonki ka e le tlhaga gape e sa tshabelelwe ke malwetse.A re tonki ke yone e tsamaisang ditiro tsa moraka. O ne a fetsa ka go kopa Batswana go nna kelotlhoko fa ba bofelela diruiwa tsa bone go itsa go di kgama kgotsa go di gobatsa.
society
9
Batswana ba kgatlhegela go ithuta Sefora
Moemedi wa lefatshe la France, Rre Pierre Voillery, a re go nnile le koketsego ya Batswana ba ba kgatlhegelang go ithuta Sefora. Fa a bua kwa kalosong ya dialogane tsa DELF Junior mo Gaborone bosheng, Rre Voillery a re ngogola, Alliance Francaise Gaborone e kwadisitse baithuti ba le makgolo a mabedi masome a matlhano le motso ba dingwaga tse di farologaneng le go tsena dithuto ka go tlhatlologana ga tsone fa go tshwantshanngwa le ba le lekgolo lesome le botlhano ngogotlola. Go simolola kwa dikolong tsa puso tse di potlana go ya kwa go tse di kgolwane, a re baithuti ba le dikete tse tharo makgolo a mabedi le borataro ba rutuntshiwa puo ya Sefora ke barutabana ba ka tshwara lekgolo le masome a mane. A re ofisi ya gagwe e lomagane le ba French Institute, Mmadikolo, mokgatlho wa barutabana ba Sefora, Alliance Francaise Gaborone le ba lephata la thuto go tswa moding go rutuntsha barutabana. A re bokopano jwa malatsi a mabedi bo tlaa tswarwa ka kgwedi ya Phukwi monongwaga kwa e tlaa reng bo wela go ntshiwe buka e e tlaa phatlaladiwang le dikolo tsotlhe tse di rutang puo e. Rre Voillery a re ofisi ya gagwe e itumedisiwa ke go bo e na le seabe go diragatsa toro ya Batswana ba ba kgatlhegelang go ithuta Sefora ka jalo kgatlhego e e supa karolo e e botlhokwa mo matshelong a Batswana. Mookamedi wa Alliance Francaise, Mme Aurelle Gbeffa a re go ithuta puo e ntsha ke go tsalana le batho ba bangwe le go amogela dipharologanyo. Mme Gbeffa o tshwaetse gore ngwaga le ngwaga ka Mopitlo ba ipelela beke ya Francophonie ka meletlo e e farologanyeng jaaka kaloso ya dialogane. Ntle le meletlo, are monongwaga ba dirisanya le batho ba Congo ba ba mono ka jalo ba rulagantse setshwantsho sa motshikinyego se se ga gasiwang mo Botswana Television. Tse dingwe di akaretsa go iteisana borathana ga baithuti ba dikolo tse digolwane tsa Naledi le Ledumang, maitiso a mmino a Fete de la Musique kana bokopano jwa bo mmotlana ka malatsi a paseka. BOKHUTLO
education
4
Mapodisi a tshwenngwa ke dikotsi
Mookamela Mapodisi a Maun Superintendent Motlhaba Ramaabya a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mogo yone rre wa dingwaga tsedi masome marataro le boraro a latlhegetsweng ke botshelo morago ga gore koloi e ba neng ba tsamaya ka yone e pitikologe. Superintendent Ramaabya o ne a tlhalosa fa kotsi eo e dirafetse kgwedi eno e tlhola malatsi ale lesome le motso mo tseleng ya Shorobe-Maun. O ne a bua mo potsolosong le lekalana la BOPA bosheng. O ne a tswelela a tlhalosa fa bapagami ba le bararo bone ba robaditswe ka dikgobalo tse di masisi ko sepateleng sa Letsholathebe fa mokgweetsi ene a dule ka dikgobalo tse di potlana. O ne gape a tlhalosa fa ba tsweletse ka ditlhotlhomiso go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo mme a tlhalosa fa moswi ene a santse ale ko setsidifatsing. O ne a tlhalosa fa ngwana yoo a ne a bona dikgobalo tse di masisi mme a tlhalosa fa a robaditswe kwa sepateleng sa Nyangagbwe. O ne a tlhalosa fa ngwana yoo le ene a robaditswe ko sepateleng sa Nyangabgwe ka dikgobalo tsedi masisi. O ne gape a tlhalosa fa ba itemogetse gore bana ba gatiwa ke dikoloi le mo malwapeng, a gakolola bakgweetsi go ela tlhoko le go tlhomamisa ka dinako tsotlhe gore bana gaba gaufi le dikoloi pele fa ba ka emelela mo malwapeng. Bokhutlo
disaster_accident_and_emergency_incident
2