title
stringlengths
1
82
text
stringlengths
565
8.03k
orig_label
stringclasses
10 values
label
int64
0
9
Kago ya matlo ko Goshwe e atlegile
E ne ya re go utlwa ka lenaneo la kadimo ya madi la go aga matlo la Turnkey, bangwe banni ba motse wa Goshwe mo kgaolong potlana ya Tutume ba ne ba seka ba ipona tsapa go ithusa ka lenaneo. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, bangwe banni ba ne ba ikopanya le ofisi ya Self Help Housing Agency (SHAA) go tlhaloganya ka lenaneo le le gone go itse mosola wa lone. Mongwe yo o thusitsweng ka lenaneo leo, Rre Morapedi Jotia a re ka lenaneo le, o lemoga fa puso e na le maikaelelo a gore Batswana ba nne le bonno jo bo fang seriti. Rre Jotia o tlhalositse fa botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga morago ga gore a ikagele ntlo ya kamore tse pedi tsa borobalo, ya boitapoloso ga mmogo le ya boiteketso e e botoka ka tsone dithuso tsa lenaneo le. A re pele ntlo e e agwiwa, botshelo mo lwapeng la gagwe bo ne bo le bokete ka jaana o ne a tlhatlhagana fela le bana golo go le gongwe. O boletse gore ka nako ya Dipula, o ne a tswenwa ke bohutsana jo bo feteletseng ka a ne a sa farologane gope le le nonyane mo sentlhageng. Rre Jotia a re ka lenaneo le, o ne a thuswa ka didirisiwa di akaretsa, ditena, semente, dipolanka, mabati, le tse dingwe ka go farologana, mme gape o ne a thuswa ka go duelelwa moagi. Yo mongwe yo o akotseng lenaneo leno, Mme Thapelo Nfila a re se se mo itumedisang ka lone ke gore madi a kadimo o a duela a wetse dibete e bile o duela madi a a santsheng mokola. A re ka kgwedi o duela lekgolo le masome a robabobedi le bosupa a dipula mo lobakeng lwa dingwaga tse di masome a mabedi, mme a tlatsa ka gore madi a duelwa fela ntle le morokotso ope. Mme Nfila a re Batswana ba tshwanetse go lemoga botlhokwa jwa mananeo a tshwana a, ba seka ba nna ditlhong go ithusa ka lenaneo ka jaana go tshwana fela le motho a adimile madi kwa bankrng go aga mme a dire thulaganyo ga go a busa. Fa a tswa la gagwe, mokwaledi mogolo wa khansele potlana ya Tutume Rre Lawrence Madzinyane a re maikaelelo magolo a lenaneo le ke go thusa Batswana ba dituelo tse di kwa tlase ga dikete tse tharo go itirela bonno jo bo babalesegileng. A re moikopedi o thuswa ka didirisiwa tse di tlhokegang mo kagong a bo a duelelwa moagi mme a re mo ngwageng tse tlhano tse di fitileng, baikopedi ba le makgolo a le mabedi le masome a robabobedi le borataro ba filwe dithuso tsa lenaneo le. Rre Madzinyane a re khansele e dirile tumalano le baikopedi gore ba ka busa madi a kadimo ka go duela kwa bankeng, kana madi a a ka gogiwa mo dituelong tsa bone kgotsa ba ka tla go duela kwa khanseleng. Le fa go ntse jalo, Rre Madzinyane o supile fa bangwe ba ba thusitsweng ba tlhanogetse tumalano e ka jaana ba itlhokomolositse go duela. A re go botlhokwa gore baikopedi ba buse madi a gore maikaelelo a lenaneo a atlege, gape bangwe Batswana ba ba nang le keletso ya lenaneo ba kgone go bona dithuso. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Mamo o tshela ka digalase
Lekawana le le dingwaga tse di masome mabedi le botlhano go tswa Masunga, Rre Nlisi Mamo ke mongwe wa banana ba ba tlhaga mo ga gabo e bile a tsaya kwebo ya gagwe ya go sega digalase ka thoafalo. Rre Mamo yo o neng a retelelwa ke lekwalo la boraro, o ne a inaakanya le lenaneo la banana go tsweledisa ditoro tsa gagwe ga mmogo le o ogola ba ga gabo mo lehumeng. Mo potsolotsong, o tlhalositse fa kgwebo ya go rekisa le go tsenya digalase e le nngwe ya tse di nwegang moro mo Masunga, a tlatsa ka go re e re le ntswa a atle a kopane le makgwere, ene le ba ga gabo ga ba lale le tlala, a supa gape fa a kgonne go ikagela fa a latsang tlhogo teng. Rre Mamo a re o ne a thusiwa ka P89 834 mme a kgona go ithekela didirisiwa tse di ka mo tlodisang melatswana. Go simolodiseng kgwebo ya digalase, Rre Mamo o tlhalositse fa go ne go na le tlhaelo ya digalase ga mmogo le ba ba thusang go di tsenya, ka jalo a lemoga fa seo se ka mo isa golo gongwe. O supile fa a rekisa mefuta ya digalase e le mokawana e akaretsa tsa matlo, diipone tse dinnye tsa dikoloi, digalase tsa mabati, a tlatsa ka go re o eletsa go atolosa kgwebo ka go rekisa digalase tse ditona tsa dikoloi. A re e re le ntswa kgwebo e e dira bontle, o itemogetse fa theko e le kwa tlase, segolo bogolo ka dikgwedi tsa Firikgong go fitlha ka Mopitlo. A re ga a jesiwe diwelang ke ba ba tshamekang koi ka kgwebo ya gagwe, a tlhalosa fa bangwe ba kopa go segelwa digalase mme e re morago ba bo ba sa di duelele ba tlhalosa fa e se tsone tsa dikeletso tsa bone fa bangwe ba ikanya go reka go sele. “Galase e turu mme fa o e segile ke ditshenyegelo tse ditona, bangwe ba re segisa digalase mme morago ba fetole mogopolo,” a tlatsa. A re seo se diga kgwebo ya gagwe ka a dirisa madi go reka digalase tseo kwa PG Glass kwa Francistown. Ntle le go aga bonno, Rre Mamo o supile gape fa a kgonne go itirela teseletso ya go kgweetsa, selo se e leng gore se mo solegela molemo ka a dirisa koloi thata go rwala dithoto tsa gagwe. A re o na le dikeletso di le dintsi ka kgwebo ya gagwe, ka jalo a kopa thotoetso mo Batswaneng gore a tle a kgone ditoro tsa gagwe. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Ba gakololwa go fetola tiriso ya lefatshe
Lekgotla la kabo ditsha la Tati le gakolotse baagi ba Masunga ba ba eletsang go direla temo le thuo mo masimong go tsenya kopo ya go fetola tiriso ya tshimo eo. Go ne go gakolola leloko la lekgotla leo, Rre Elliot Nkhwanana mo phuthegong ya kgotla kwa Masunga ka mafelo a beke. Rre Nkhwanana o ne a tlhalosa gore ga go a lebana gore ba fetole tiriso ya masimo pele ga go fiwa tetla ke lekgotla la kabo ditsha mme e bile ba lephata la temo-thuo ba ise ba dire tshekatsheko go bona gore ke mefuta efe ya go lema le go rua e e ka direlwang mo masimo. O ne a ba itsise fa ope yo o dirang temo le thuo mo tshimong ya gagwe a tshwanetse go dira jalo fela a sena go fiwa setlankana se se fetolang tshimo ya gagwe go kopanya temo le thuo, go tswa mo tirisong ya go lema fela. Rre Nkhwanana o ne a ba gakolola gape gore le fa ntswa go lema le go rua jaanong go ka direlwa gongwe, tshekatsheko ya ba temo-thuo e tlaa leba dintlha di le mmalwa go bona gore ke eng se se ka kgonang go direlwa mo tshimong go lebilwe le jone boatlhamo jwa yone. A re ka jalo balemi-barui ba tshwanetse ba itse fa go na le kgonagalo ya gore ba lekanyediwe palo e e rileng ya diruiwa. O supile fa ntlha nngwe e e tlaa tlhongwang leitlho ke go nonofa ga terata ya tshimo, ka jalo a gwetlha ba ba eletsang go fetola tiriso ya masimo a bone go ela ntlha e tlhoko. Rre Nkhwanana o ne a tsibosa phuthego ka tshwetso e lekgotla la kabo ditsha la Tati le e tsereng ya gore morafe o tsenye dikopo tsa gore diphuphu tse di anameng le metse ya kgaolo ya bokone botlhaba tse di nnileng teng pele ga go bewa ditsha tsa mabitla di ntshediwe ditlankana. A re tshwetso e e tserwe ka mabaka a akaretsa la gore go thibelwe phoso ya gore baswi ba epololwe fa go dirwa ditlhabololo mo metseng. Fa ba mo kgwa dikgaba, batho ba ne ba atla tshwetso ya go tsewa ga matlotla le magola, ba re go tlaa thusa go araba selelo se se golang sa tlhaelo ya lefatshe mo kgaolong ya bone. Ba ne ba itumelela gape kgang ya go bewa le go ntshediwa ditlankana ga diphuphu, ba supa fa ba ne ba ntse ba na le matshwenyego a gore ditlhabololo dingwe di tshwana le kago ya ditsela di ka nna tsa senya fa ba robaditseng baswi teng. BOKHUTLO
society
9
ISPAAD e jele P44 million
Mookamedi wa lephata la temo, Rre Galeitsiwe Ramokapane a re lephata la gagwe le dirisitse madi a fetang didikadike di le masome a mane le bone tsa dipula (P44 million) go lemela Batswana ka lenaneo la ISPAAD mo ngwageng wa 2013/14. Rre Ramokapane o boletse mo potsolotsong fa go lemilwe ditema dile 97 327.8, tsa batho bale 27 126, ba bangwe ba bone ba lemileng ka ditselana fa bangwe ba gasitse. A re le fa mo dikgaolong dingwe dipula di nele morago ga nako ya temo, gone bontsi jwa Batswana ba kgonne go baya ditema, mo e bileng ba solofela fa balemi bale mmalwa, bogolo jang mo dikgaolong tsa Mahalapye, Shoshong, Machaneng, Bobirwa, Boteti,Serowe le mafelo mangwe a kgaolo ya Bokone Botlhaba ba tla dika ba orile molelo wa mariga. E rile mogolwane wa lekalana la kanamiso dikitsiso mo lephateng la temo-thuo, Mme Boikhutso Rabasha, a itebagantse le dingongorego tsa beng ba diterekere, tsa go tlhoka go duelwa ka nako ntswa ba lemetse batho ka lenaneo la ISPAAD, a tlhalosa fa seemo seo se bakilwe ke go fela ga madi a neng a abetswe lenaneo leo. Mme Rabasha o tlhalositse fa mathata mangwe a kgoreleditseng go duela beng ba diterekere ka nako e e tshwanetseng ele go atlhama ga dikgaolo tsa lefatshe leno, le go tlhoka go dira sentle ga dibalamakgolo ntateng ya go kgaoga ga inthanete, mo a reng go kgoreletsa badiri ba lephata la gagwe ba ba lebaganeng le go dira dituelo tsa beng ba diterekere go dira tiro ya bone ka botswerere. O tlhomamiseditse ba lekalana la dikgang mo potsolotsong fa maikaelelo a lephata la temo-thuo ele go duela botlhe ba dituelo tsa bone di saletseng kwa morago mo nakong e e sa fediseng pelo, mme a kopa ba ba iseng ba bone dituelo tsa bone go wela dibete ka jaana ba tla baakanyetswa madi a bone mo nakong e e khutshwane. Mo puisanong le babegadikgang, beng ba diterekere go tsweng mo dikgaolong tsa Shoshong, Mahalapye le Machaneng ba ngongoregetse lephata la temo ka go tlhoka go ba duela ka nako ntswa ba lemetse batho e bile balemisi ba setse ba metile ditema tse di lemilweng ka ISPAAD, jaaka ene ele thulaganyo ya mmuso.Bokhutlo
society
9
Kgokgontsho ya bana e ngomola pelo
Kgokgontso mo baneng ba basetsana e supa gore ga gona dikgang tsa tekatekano mo merafeng e le mentsi. Mafoko a, a builwe ke mmueledi wa dikgang tsa kgokgontsho ya bana wa lekgotla la ditshaba(UNICEF), Rre Peter Siele kwa Bobonong bosheng. Rre Siele o tlhalositse fa 22.7 per cent ya bana ba basetsana ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi ba tshela ka fa tlase ga kgokgontsho ya tlhakanelo dikobo e bile gape ba le mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare wa HIV. O supile fa go tlhoka tlhokomelo e e maleba le go itlhokomolosa bana e le nngwe ya mabaka a dirang gore bana ba felele ba le mo dikganyeng tsa tlhakanelo dikobo e se ka maikailelo. Rre Siele o tlhalositse fa bontsi jwa bana ba basetsana bo imisiwa ke borre ba batona. A re dipalo tsa dikgang tsa go ima ga baithuti ba sekole se segolwane sa Matshekge ke sesupo sa gore bontsi jwa bana ba, ba simolola go tlhakanela dikobo ba le dingwaga tse di kwa tlase. Rre Siele o tlhalositse fa bana ba dirisiwa ke letlhoko, gore ba tlhakanele dikobo le bagolo. Ka jalo o ne a kgothatsa dikereke le batsadi go ema ka dinao go tla ka ditsela tse ba ka emang kgokgontso ya tlhakanelo dikobo. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa tsa kanamiso mafoko la UNICEF, Mme Tuduetso Kelapile o tlhalositse fa dikgang tsa kgokgontso ya tlhakanelo dikobo le go dirisa ditagi phetelela ga bana go senyaisago ya lefatshe leno. Mme Kelapile o tlhalositse fa bontsi jwa bana ba dingwaga tse di kwa tlase ba setse ba sena isago e phatsimang ntateng ya ditagi le boimana. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Ezekiel Joel wa Bobonong, o ne a kopa batsadi go ema ka dinao go lwela tshireletsego ya bana. Bagokgo ba dikole tse dikgolwane ba supile fa bontsi jwa batsadi ba ikgatholosa dikgang tsa kgokgontso tse di amang bana.
health
6
Lontone ya Zwenshambe e kokoanya madi
Mo maitekong a go leka go ipelega, ba kereke ya Lontone ba lekalana la Zwenshambe ba sa tswa go tsamaya sekgala sa dikhilomethara di le lesome le botlhano, e le mogwanto o o duelelwang gotswa Masunga go ya Zwenshambe. Maikaelelo a mogwanto o, e ne e le go leka go kokoanya madi a a tla dirisiwang go aga le go feleletsa dikereke tsa metse mengwe e e okametsweng ke kereke ya Zwenshambe, e yone e leng ka fa tlase ga ketapele ya ga Moruti Dingani Mulale. Dikereke tse di okametsweng ke lekalana leo la kereke ya Zwenshambe di akaretsa tsa metse ya Mulambakwena, Mbalambi, Gambule, Sekakangwe le Kalakamati. Fa a bua kwa bokhutlong jwa mogwanto oo, Mookamedi wa Gaborone Motor Holdings, Rre Badeti Tibone, yo o neng e le molalediwa wa tlotla, o ne a akgola ba kereke eo mo tirong e tona e ba e dirileng. Rre Tibone o ne a akgola le botlhe ba ba neng ba thusa go kokoanyetsa kereke eo madi le botlhe ba ba neng ba ipha matsapa a go tsaya karolo mo mogwantong oo. O ne a tlhalosa fa a kgonne go kgobokanyetsa kereke madi a a kanang ka P50 000 mme a re o tshotse P29 300, fa a mangwe a tla goroga mo nakong e e sa fediseng pelo. Mo dipampiring tse di neng di filwe maloko go di tsamaisa ba kopa dithebenyana, go ne ga kgobokanngwa madi a a kana ka P5 320. E ntse e le ka mowa wa go tshwana le oo wa go ipelega, komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Sechele le banni ba motse oo, le bone e ne ya re ka lone letsatsi leo ba bo ba le mo mogwantong wa sebopego sa go tshwana le sa kereke ya Lontone; wa sekgala sa dikhilomethara di le lesome le motso, go tswa Makaleng go ya Sechele. Maikaelelo a mogwanto o, e ne e le go kokoanya madi a a tla dirisiwang go gokela matlo a le lesome le bobedi a VDC motlakase. Moatlhodi wa pele wa kgotla-kgolo ya ditsheko kwa Francistown, Rre John Mosojane, yo o neng e le ene motsamai-mogolo wa letsatsi, le ene o ne a akgola banni ba Sechele ka maiteko ao a ba a dirileng. O ne a kgona go kokoanya madi a a kanang ka P10 000 fa mopalamente wa kgaolo ya Tati Bophirima, Rre Charles Tibone ene a ntsheditse VDC ya motse oo madi a a ka tshwarang P1 000. Rre Mosojane o ne a gwetlha banni ba Sechele go dirisa madi ao mo go se ba se a kopetseng sone go na le go a dirisa mo ditirong tse dingwe di sele, a re le bao ba ba neng ba thusa mo go kgobokanyeng madi ao, ba tshwanetse ba bona maduo a one. O ne a ba gakolola go tsaya bonnyenyane joo, go ya go kgaola kwa Botswana Power Corporation, gore ba kgone go tsenya batho ba ba ka hirisang mo mantlong ao, mme e bo e le gone ba ka kgonang go nna ba duela BPC madi a a setseng ka dituelo tsa bahirisi. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Sechele, Mme Sebolaye Thokwa, o lebogetse Rre Mosojane kemonokeng ya gagwe le botlhe ba ba thusitseng ka sepe fela se se nnileng le seabe mo go reng mogwanto oo o atlege. Mme Thoka o tlhalositse fa go tlhoka motlakase mo matlong a VDC, e le kgwetlho e tona e e ba lebaneng ka jaana go sena ope yo o dumelang go nna mo go one. A re ke ka moo ba dirileng mogwanto wa go kokoanya madi, go leka go tsamaelana le dikeletso tsa batho le gone gore matlo a seka a felela e nna matlotla go sena yo o nnang mo go one. BOKHUTLO
religion_and_belief
8
Lerato le a bopaganya
Bogogi jwa kereke ya Ninifi Apostol Daily Mission kwa Maun bo gwetlhile setshaba go nna le lerato. Go kopile jalo mookamedi mogolo wa kereke eo, Arch Bishop Gabaitsewe Mathemba mo molaetseng wa gagwe o a neng a o rola ka moletlo wa paseka kwa Maun. Rre Mathemba a re dikereke di tlwaelesegile ka mokgwa wa go kubetsana o a kaileng fa e le one o gogelang batho kwa thaelong. A re dikereke di rapela Modimo o le mongwe, ka jalo di tshwanetse go tshwaraganela lefoko la Modimo go fenya mmaba. O ne a tlhalosa fa mo thapelong ya bone ba tlotla le go rata dikereke tse dingwe ka le bone ba amogela seo go tswa kwa diphuthegong tse dingwe. A re ba rotloeditswe ke mokhanselara wa Bombadi/Thito, Rre Mmoedi Modiegi ka go ba fa lerato le dikgakololo. Rre Mathemba o bile a gwetlha dikereki go ikilela. A re bangwe ba itlhokomolosa tumelo ya bone mme ba inaakanye le botagwa ga mmogo le botlhokatsebe ka malatsi a paseka. E re go ntse jalo, Mme Obiditse Mosimanyane wa kereke ya UCCSA a re o gwetlhilwe ke lerato go ipelela malatsi a paseka le kereke ya Ninifi le ntswa kereke ya gagwe le yone e ne e tshwere mokete wa sebopego se. Le ene fela jalo, o gwetlhile dikereke tsotlhe go tshwaragana go fana maele a ka fa di ka itlhabololang ka teng. Kereke ya Ninifi e tlholega kwa Bobonong mme e na le makalana go ralala lefatshe leno. Diphuthego tsotlhe tsa yone di ne di phutlhaganetse kwa Maun go tla go keteka paseka. Fa godimo ga moo, kereke e, e ne e ipelela maiteko a yone a go kgona go duelela kgokelo ya motakase e e lopileng P22 000.BOKHUTLO
religion_and_belief
8
Lenaneo la thuto le tswa maduo
Mothusa tautona wa pele, Dr Ponatshego Kedikilwe a re o itumedisiwa ke ka fa puso e santseng e lemoga botlhokwa jwa lenaneo la thuto le le sekasikilweng, ka go le diragatsa mo go simolodiseng dithuto tsa bana ba ba tlhokolediwang go ya go simolola lekwalo la ntlha. Dr Kedikilwe o buile jaana kwa moletlong wa go ipelela dingwaga tse di masome matlhano wa sekole se sebotlana sa Ratholo bosheng, se gape se neng se alosa mophato wa bananyana. Moletlo oo, o ne o ketekwa ka fa tlasa ga setlhogo se se reng Dr Kedikilwe a re ka nako e a neng a eteletse lekoko le le neng le sekaseka seemo sa thuto ka fa e ka tokafadiwang ka teng, ditshwantsho tse ba neng ba di ntsha di ne di le maleba, mme a dumela gore dingwe tsa tsone di tlhokana le go sekasekwa gore di kgone go tsamaelana le boranyane jwa thuto ya segampieno. A re seo se ka kgonega fa batsaya karolo mo thutong ba ka itsetela adimo ba tswa ka ditharabololo tsa se se ka dirwang go itebaganya le tse di tlhokegang. A re Batswana ba tshwanelwa ke go bala masego a bone le go leboga fa ba leng teng mo thutong, a re dikgwetlho ga di ke di tlhokega. Dr Kedikilwe o supile fa lenaneo le puso e neng ya tla ka lone la gore thuto le ditshenyegelo tsa yone di tlhakanelwe ke batsadi le puso, e ne e le gore batsadi ba tsae karolo mo thutong. A re ofisi ya ga mogokgo le ntlo ya maranyana di tlaa nna teng fa nako e ntse e tsamaya, fela a lebogela gore ba na le matlo a borutelo a a lekanyeng. A re pele ngwana o ne a godisiwa ka go tshwaraganelwa ke motse, mo jaanong go nyelelang ka bonya. O kopile batsadi go boela kwa kgodisong ya bogologolo e ngwana wa mosetsana a neng a babalelwa ka go kganelwa go ja mae, fa basimane bone ba ne ba rutwa go gama le go disa, a re setshaba se tsenye letsogo mo kgodisong ya ngwana e e tsenang ka lenga la seloko, bana bainaakantse le ditagi kgalemo. A re puso e lemoga botlhokwa jwa kgodiso ya ngwana, ke sone se e abelang thuto madi a mantsi le mananeo a tshwana le a lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao. O gateletse botlhokwa jwa go tlhalosetsa bana bonnete le boleng jwa thuto, a re bana ba rutwe go itirela gore ba itse fa ba tshwanelwa ke go ja mofufutso wa phata. A re Botswana ke lengwe la mafatshe a a eletsegang, ka ditsamaiso le motheo wa lone o o lolamemg wa therisanyo. Dr Kedikilwe o ne a ribolola mokwalo wa go tshwaya letsatsi. Lebutswapele la sekole seo, Mme Gabagopolwe Mangadi yo o se tseneng ka bo 1957, o ne a tlhalosa fa ba ne ba tsenela kwa kerekeng ya London Missionary Society ka nako eo, mme ba ne ba dira sentle thata mo metshamekong le meopelo. Mogolwane wa thuto yo le ene e kileng ya nna moithuti wa sekole seo, Rre Otukile Kedikilwe, o ne a lebogela maduo a a ntshiwang ke go nna teng le tshimolodiso ya dikole tsa bananyana, a re mo nakong eno mo dikoleng tse dipotlana di le 755 lefatshe leno lotlhe ba kgonne go simolodisa dithuto tseo mo go di le 472. Mogokgo Kabo Kolanyane o ne a itela ka letlhoko la ofisi, go tlhoka yo o ka ba ithaopelang le tlhaelo ya dibuka. A re ngwaga le ngwaga fa dikole di bulwa, go tsaya lobaka go neelwa barutabana ba nakwana, seo se bo se busetsa dithuto le go digela maduo tlase. A re legale seo ga se ba kgobe marapo go ntsheng maduo. Fa a leboga mopalamente wa kgaolo, Rre Prince Maele a re sekole seo se alositse batho ba dithutego le maikarebelo a a kwa godimo mme a rotloetsa bana go tsoga ba na le seabe mo go ageng lefatshe leno ka thuto e le methale mentsi e se go bala le go kwala fela. Rre Maele yo gape e leng tona wa tsamaiso merero ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho leswe o ne a abele sekole seo ditilo tsa bananyana di le 60 le ditafole di le 15 tse di tlaa dirisiwang gwaga o o tlang fa dikole di bulwa. Bana ba ne ba abelwe dimpho. BOKHUTLO
education
4
Moruti o rera ka go lepa dipaka
Rre Ikobadiah Mokwenaotsile ke moruti yo o tlhalosang fa a na le mpho ya go dupa dinaledi ngwedi le loapi go lepa dipaka, mme e rile a bona a na le tshesego ya go amogana tshedimosetso eo le setshaba, a bitsa matlhogoputswa le baruti ka ene go tla go tlhatlhelela kitso ya bone ka kgang eo, e le nngwe ya dipaakanyetso tsa dithapelo tsa pula. Batsaya karolo mo puisanong e, ebong baruti ga mmogo le bagolo, ba dumalana gore go lepa dipaka ke selo se se tswang goo lowe e bile go dirwa ka methale e e farologaneng. Ba tlhalosa fa go ka dirisiwa dilo di le mmalwa go lepa dipaka tse di tlang, mme dilo tseo di akaretsa loapi le tsotlhe tse di nnang mo loaping, lebopo ga mmogo le diphologolo. Mo godimo ga moo, ba boa ba a fa sekai gore le ka nako ya Jeso a tsholwa, banna ba ba botlhale ba bararo ba ne ba bona ka naledi gore morena o tshotswe, ka jalo ba e sala morago gore ba ye go mmona. Fa a latlhela la gagwe, Rre Lekgoa Pheto, 78, ene a re ka kitso ya bone bogologolo, ngwedi fa a palama, o tshwanetse go leba ka fa mojeng, fa a ntse jalo gatwe o tsholotse bolwetse, ka jalo go kaya tshiamo, mme fa ngwedi a ka palama a thulame, gatwe o a bo a hupile bolwetse. A re fa ngwedi a palama a thulame, ka nako eo bana ba tlhaselwa ke malwetse a tshwana le go tsholola, malwetse a phogwana mme le dintsho di ye kwa godimo. Rre Pheto o tlatsa ka gore go na le se ba se bitsang pitso, e e lebegang jaaka lesedi le le dikologileng ngwedi kgotsa letsatsi, mme e ne e re fa ba e bona, ba bo ba solofela pula. A re se sengwe se ba neng ba se dirisa ke dirogabalopa, tse di lebegang e kare di tshegeditse letsatsi ka fa molemeng le ka fa mojeng, mme fa letsatsi le ka phirima le na le dirogabalopa, seo se kaya gore pula e tla tla, mme e le kgakala. Bagolo ba tswelela ba bolela fa go na le dinonyane dingwe tse le tsone e neng e re fa ba di bona kgotsa ba di utlwa ba bo ba kgona go lepa seemo sa paka e e tlang. Rre Shiaka Molemi, a re dinonyane di tshwana le mmaphuphana, korwe le moroka-a-pula ke dingwe tse ba neng ba itse gore fa ba utlwa melotsana ya tsone, ba a bo ba itse fa di bega pula. “Moroka-a-pula ba bangwe ba e bitsa kgotlamedupe, yone fa re ka utlwa e lela e re tjoko tjoko tjoko tjoko! re a itse gore re ka solofela pula, mme fa e ka lela e re tswii tswii tswiii! re a itse gore e tlhobosa pula,” ga tlhalosa Rre Molemi. Rre Molemi a re le ditshidinyana dingwe jaaka khukhwane nngwe e e mogatlanyana, e bone ba itseng gore fela fa e ka itaya fa fatshe ka mogatla, gone foo fela pula e a na. A re le e nngwe e e tlotlegileng e khibidu ka mmala, e e bidiwang gotwe Modimo, yone e bonala thata ka nako ya dipula tse di namagadi. Moruti Mokwenaotsile o ne a kaya naledi e e ntseng e bonala mo malatsing a a neng a feta, e e phatsimang thata mme e setswe morago ke e nnye fa tlase ga yone. A re ene ka leitlho la mpho ya gagwe, naledi eo ga e a tshwanela gore e ka bo e eme fa e leng teng. A re e tshwanetse gore e ka bo e setse e kgabagantse, mme fa e leng teng, e bapotse dipaka ka jalo le fa pula e ka na, e tla tla ka pula e e serame e e sa siamelang dijalo. Fa a akgela, Rre Molemi a re naledi eo ba itse fa e bidiwa kopa-dilalelo, e ka yone ba itseng e tsile go kopa dijo mme ba dumela e tsisa kgora. Mme o kaya gore e sale a tsholwa, mo dingwageng tse di masome a supa le bobedi tse a di tshidileng, ga a ise a bone kopa-dilalelo e salane morago le e nnye e e ntseng e bonala mo malatsing a a ntseng a feta, ka jalo ga a tlhaloganye gore se se ka tswa se raya eng. Bagolo, ebong Rre Pheto le Rre Molemi ba na le maitemogelo a dinaledi tse dingwe jaaka naledi ya kgogamasigo, e ba reng fa letsatsi le phirima yone e a bo e tlhaba, le ya mphatlalatsane e e tswang fa masa a sa, e kaya fa masa a sele. Dinaledi tse dingwe tse ba di kaileng ke tse ba reng di nna di tsamaya mmogo di lepalepane, e nngwe gotwe ya kgora, fa e nngwe gotwe ya tlala. Ba re fa ya kgora e ka palamela fa godimo ga ya tlala, ba itse gore ba tlaa dika ba bone paka ya kgora, mme fela fa ya tlala e ka palamela kwa godimo ga ya kgora, ba tlaa itse go ipaakanyetsa paka ya tlala. Rre Pheto a re ka kgwedi ya Motsheganong a tlhola malatsi a le lesome le botlhano, go bonala naledi e nngwe e e bidiwang magakgala, e a reng e tshuba dijalo jaaka mabele go sekaenyana, e di omisa go di baakanyetsa thobo. O tswelela a re mme fa e ka re ka Seetebosigo a tlhola malatsi a mabedi le botlhano, fa naledi e e bidiwang Naka e ka benya e tlaa bo e fisa dijalo thata, e boe e fise gotlhe le bojang tota, mme naga e sale e shele e ntse tshetlha. Naledi ya selemela yone go bolelwa fa e ne e bonwa ka kgwedi ya Tlhakole mme yone fa e bonwa e phirima, Motswana o ne a itse gore e mmolelela fa ngwaga ya temo e wetse. “Go na le naledi e nngwe e e tleng e tsapoge, e kgabaganye ka lebelo e bo e felela e nyeletse. A re ka nako eo, e a bo e ne e latola kgosi,” ga wetsa Rre Pheto ka dinaledi. Fa a ntsha ntlha ya bofelo, Rre Molemi a re le metsamao ya phefo e ne e dirisiwa go lepa dipaka.A re phefo e e tswang botlhaba e ya bophirima ga e a siama, mme e e phailang e tswa bokone e ya borwa e kaya botshelo.
religion_and_belief
8
Makhaselara a tshwenngwa ke tlhaelo ya dikoloi
Makhanselara a kgaolo ya Borwa a re a tshwenngwa ke go tlhaela ga dikoloi mo maphateng a puso ka kakaretso, bodiredi, tirisano mmogo le kwelo tlase ya itsholelo e ba bolelang fa ba sale ba e lemogile ba ise ba nne makhanselara. Mo thuto-puisanong ya go ba suga ka tsamaiso ya dikhansele kwa Kanye bosheng, makhanselara a boletse fa ba solofeditse Batswana gore ba ya go dira ka natla go ba tlhabolola go gaisa ba ba neng ba ntse ba tshwere. Makhanselara a boletse fa tlhaelo ya dikoloi e le mmaba o motona thata ka gore ditlamelo di ya morago ga nako kwa batlhophing, mme go dire gore ba ba tlhoboge. Ba boletse fa mananeo a puso a le matsorotsoro e bile a le mantle mme go a diragatsa go le thata ka ntata ya tlhaelo ya ditsompelo, boeteledipele jo bo senang boikarabelo le go tlhaela ga madi. Ba boletse fa maikaelelo a bone e le go tla go bereka mmogo le bogogi ja maphata a puso otlhe go balelwa bogosi, molaodi, ba kabo ditsha le khansele. Ba solofeditse fa ba tlaa dirisana mmogo le dikomiti tsa metse go tshwaraganela ditlhabololo le go di rulaganya ka letlhoko la tsone. Ba re ba ngongoregela gore dingwe tsa ditlhabololo di sale di nna mo lenaneong la ditlhabololo mme nako kgolo ke eno, di ntsheditswe madi mme di nna di seegelwa fela fa thoko. Mo dikgannyeng tse dingwe motlhatlhobi wa dibuka mo khanseleng ya Borwa, Rre Mompoloki Maswabi o kgothaditse makhanselara go thusana le puso go lwantsha tshenyetso setshaba e e gaketseng mo maphateng a puso. Rre Maswabi o ba kopile go nna le boikarabelo mo go begeng sengwe le sengwe se se belaesegang se sa tsamaye sentle kwa go lebaneng gore tshenyetso setshaba e seka ya bona phatlha. O ba rotloeditse go nna batlotlegi ba ba ka sekeng ba inaakanye le tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo. O boletse fa 10% ya batho e le bone fela ba ba tshabang tshenyetso setshaba lebaibai, fa 80% e le ba ba fa gare, mme 10% e le bommampodi ba tshenyetso setshaba. A re mo maphateng a puso tshenyetso setshaba e a ronoka mme a re kgang e e dirwa ke mabaka a mantsi thata, kgang e tona e le pipa molomo. O kopile makhanselara go nna leitlho la setshaba ka gore tshenyetso setshaba e diga itsholelo ka bokete jo botona. Makhanselara a dumelane ka bongwe fela ja pelo gore tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo di atile bobe bogolo jang mo dikgaolong tsa kabo ya diteseletso, dikago, sepodise le ipapatso. Ba boletse fa seo se dirwa ke gore baokamedi ga ba tsenye leitlho le le tseneletseng mo ditirong tsa puso mme ba solofeditse go itsolopaganya go laola seemo. BOKHUTLO
politics
7
Kgathi o tlhalosa phetolo molao wa bogodu jwa leruo
Bakwena ba amogetse gore Rre Lawrence Mhaladi a tlhomiwe mothusa kgosi kwa Molepolole. Kgosigolo ya Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III o boletse mo phuthegong ya kgotla kwa Molepolole bosheng fa a itumeletse ka fa Rre Mhaladi a berekileng ka teng, ka jalo a bone go tshwanela go mo dira mothusi wa gagwe. Phatlha ya mothusa kgosi e bakilwe ke go tlogela tiro ga ga Kgosi Norman Bakwena ka lebaka la bolwetse ngogola. Kgosi Kgari o supile fa a sale a dira le Rre Mhaladi go simolola ka ngwaga wa 2002. A re Rre Mhaladi o simolotse e le kgosana mme a tlhatlosiwa maemo go fitlhella a tshwara a moemela kgosi yo mogolwane. A re mo nakong e ba ntseng ba dira mmogo, Rre Mhaladi o supile e le motho yo o boikanyego e bile a kgona go gakolola. Le fa go ntse jalo bo rangwane-a-kgosi ga ba dumelane le tshwetso e. Mongwe wa bone, Kgosi Keineetse Sebele a re ba lekile go gakolola Kgosi Kgari gore ga ba kake ba tsenya motho yo e seng wa bogosi mo maemong a bothusa kgosi, a re se se kile sa baka kgotlhang mo morafeng ka ngwaga wa 1969. O kopile Bakwena go tsaya malebela mo merafeng e mengwe e tshwana le Bangwato le Barolong, e e neng ya nna le tlhakatlhakanyo morago ga go tlhopha batho ba e seng ba bogosi bathusa kgosi. Kgosi Sebele o boletse fa ba ne ba kopa thuso kwa go Kgosi Mosadi wa Balete le Kgosi Malope III wa Bangwaketse go thusa Kgosi III go tlhopha mothusa kgosi. O ne gape a supa fa ntlo yotlhe ya bogosi e sa rerisiwa, ka bana ba bangwe ba ga Kgosi Motswasele ba sa bolelelwa ka thulaganyo ya go baya Rre Mhaladi mo maemong. Kgosi Kgosimotse Sebele ene o ne a re go tshwanetse ga elwa tlhoko ka mothusa kgosi o ka nna le sebaka sa go tshwarelela bogosi fa kgosi a sa kgone go nna mo setilong ka mabaka mangwe. Kgosi Kgari III o ne a tlhatswa mafoko a, a tlhalosa gore ka molao o o tsamaisang bogosi wa Bogosi Act, morafe ke one o tlhomang motshwarelela kgosi, ka jalo ga go reye gore mothusa kgosi o ka tsaya maemo ao. Mo dikakgelong tsa bone, banni ba ne ba supa fa ba amogela Rre Mhaladi go nna mothusa kgosi, ba kaya fa e le senatla e bile a ikanyega. Le fa gontse jalo, a le mongwe, Rre Clement Kgosiimang ke ene fela a supileng gore ga a dumalane le mafoko a kgosi a supa gore tsamaiso ya Sekwena ga ya salwa morago. Rre Thuba Koontse o ne a bala temana mo molaong wa bogosi, o o fang kgosi tetla ya go tlhopha mongwe le mongwe go nna mothusi wa gagwe, a supa fa a dumelana le kgosi. Le fa go ne go dumelanwa, bangwe ba ne ba supa fa ba le sebete se molangwana ka botsogo jwa ntlo ya bogosi, ba kopa gore go nne le kagiso magare ga ga kgosi le borangwaneagwe.
crime_law_and_justice
1
Mo-na-le bogole o a ikgaratlhela
Monana wa dingwaga tse di masome a mararo le bobedi wa Kisa kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa o boletse fa go nna le bogole go sa mo itse go itshedisa. Monana yo o dirileng mophato wa boraro o nnile lesego go nna mongwe wa ba ba akotseng lenaneo la nyeletso lehuma ngogola. A re o lebogela puso ka le bone e ba tsaya tsia. O supile fa puso e tshwere ka natla go lwantsha lehuma le go thusa ba ba dikobo dikhutshwane. Rre Thebe Thebeyapelo o tlhalositse fa a kgaogile letsogo la moja morago ga go amega mo kotsing ya tsela ka 2004. A re morago o ne a nna le bothata jwa dilo di le dintsi, nngwe ya tsone e le go kwala ka e bile a ne a dirisa letsogo leo go kwala. O supile fa a ne a seka a nna fela mme a ithuta go dirisa letsogo le lengwe ka motho o ka se dire sepe a sa itse go kwala. O kaile fa morago ga kotsi a ne a fiwa madi ke ba MVA mme a ikagela ntlo a bo a e hirisa gore a itshetse le go mo thusa mo go tsa bongaka. O tlhalositse fa mo nakong eno a kgona go dira sengwe le sengwe se se ka dirwang ke motho a na le matsogo a mabedi. A re o kgona go dira lesaka, go rema matlhaku, go apaya le gone go gama tota. O tsweletse ka go tlhalosa fa puso e ne ya mo isa sekoleng kwa Tlokweng Rehabilitation Centre ka 2009 go ya go ithuta go lema merogo, mme a seka a atlega ka mmu wa Kgalagadi o sa siamela temo. A re o neetswe dipudi di le some, tse di namagadi di le borobabongwe le phoko e le nngwe. O tlhalositse fa di atile le fa leuba la ngogola le mo amile fela thata ka a latlhegetswe ke dipudi di le nne le potsane. Rre Thebeyapelo a re ka leruo le dira sentle mo kgaolong ya Kgalagadi, o solofela fa a tlaa fitlhelela ditoro tsa gagwe. O kaile fa maikaelelo a gagwe e le go oketsa dinku tseo ka di le bogadi bo gaufi e bile di dira botoka mo mafelong a a sekaka e bile a na le dithaba. A re leruo le batla tlhokomelo e ntsi ka e bile dibatana di dintsi mo kgaolong ya bone. O tsweletse a re le ene fela jaaka bontsi o lebanwe ke kgwetlho ya metsi mme a tlhalosa fa se, se sa mo nyemise moko ka a rata thuo ya dihutshane fela thata. A re kgwetlho e nngwe ke gore ga gona mmaraka wa dihutshane kwa go bone ka jalo ba rekisetsa boradibutshara mme dituelo di tla morago ga lobaka. Rre Thebeyapelo a re o kopa puso gore e ba ise dithutong tsa leruo gore ba oketse kitso e ba nang le yone. O kaile fa mo nakong eno madinyana a a a bonang a a kgobokanyetsa go reka letsogo la maitirelo gore a kgone go dira tiro ya gagwe ka manontlhotlho. O rotloeditse ba-na-le-bogole jaaka ene gore ba se nne fela ba lebeletse mo pusong, a re ba inaakanye le mananeo a puso ka e otlolotse letsogo.
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Barena o lebogela seromamowa
Mme Bolotsang Barena wa Nata kwa kgaolong potlana ya Tutume a re o ntse a nna a le nosi a sena yo a ka tsayang dikgang le ene. O tlhalositse fa a latlhegetswe ke pono mme seo se thatafaditse botshelo jwa gagwe le go feta ka a sa kgone go etela ope. Mme Barena yo o dingwaga di masome a robabobedi le bongwe, ke mongwe wa ba ba abetsweng diromamowa mme o tlhalositse fa seo ele se gotweng pelo boela mannong mmatla sa gagwe o se bone ka ga a bolo go eletsa go utlwa se se diragalang mo lefatsheng ka bophara mme a sa kgone. O lebogile puso go bo e na le ponelopele ya kgona go lemoga le go bona gore mongwe motho o tshwanetse go tshela jang gore a seka a itlhoboga mo botshelong. O tsweletse a re, e re ntswa a sa bone, fa a utlwa dikgang o kgona go bona tiragalo eo ka tlhaloganyo. A re o lebogela mpho eo fela thata, a tlhalosa fa a rata thulaganyo ya tatediso ya dikgang ka jalo a re seromamowa seo se tla nna fa tlase gagwe gore a seka a tlolwa ke dikgang. Mme Ketloeditswe Oalotswe le ene o gateletse mafoko a ga Mme Barena ka go supa fa le ene a bone mopati yo o tla a mo tseelang dikgang. A re bodutu e tla nna selo sa maloba mo go ene. Mme Oalotswe o ile a bolela fa a nna a le nosi jalo a bolawa ke bodutu ka a sena yo a ka tsayang dikgang le ene jaloo tlhalosa fa mo nakong eno, batho ba tla re ba feta fa lelwapeng la gagwe ba gakgamale ka dikgang tsa waelese di kgona go tshegisa motho le fa a le nosi, jalo o itumeletse thuso eo fela thata. Diromamowa tseo ke tse di ntshitsweng ke tautona a di rekela bagodi ba ba tlhokang e bile ba nna ba le nosi mo malwapeng morago ga go lemoga fa ba bolawa ke bodutu ka ba sena ba ba ba tseisang dikgang. Kwa Nata go abetswe bagodi ba le masome a le marataro le bongwe.
society
9
Kwadiso ya ditsha e sa le kgwetlho
Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Tati, Rre Godfrey Habana a re lekgotla la gagwe le santse le lebanwe ke kgwetlho ya go kwadisa ditsha ka jaana le ise le kgone seelo sa go kwadisa ditsha tse di mo kgaolong. Rre Habana o buile jaana kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa modulasetilo wa lekgotla leo, wa go ipelela matsalo a Morena kwa Masunga bosheng. O tlhalositse fa kwadiso ya bone e santse e gata mo masomeng a marataro le bobedi mo lekgolong, palo e a tlhalositseng fa e le kwa tlase thata, ka jalo a re go botlhokwa gore maloko a lekgotla le bodiredi ba tsholetse dinao. Le fa go ntse jalo, a re le ntswa go na le dingwe tse ba sa di kgonang, fela o itumedisiwa ke gore ga se tshoo kwa ga Motshodi. A re ba ne ba di kgona ka ntlha ya tshwaragano magareng ga bone e le maloko le bodiredi. Rre Habana a re o dumela gore ka tshwaragano ya bone mmogo le ba-na-le seabe ba bangwe, ba ka kgona tse ba solofetseng go di diragatsa, a kopa gore mo ngwageng wa 2018, go seka ga letlelelwa ka gope gore go nne le dingongorego tse di ka tswang mo setshabeng. A re go botlhokwa gore bodiredi jwa Tati Land Board ba itshekatsheke, mme ba fetole ka fa go ntseng go dirwa dilo ka teng, go tlhomamisa gore ba fedisa dilelo le dingongorego tse gantsi setshaba se lelang ka tsone. A re ba tshwanetse ba itlama go tla ba thusa setshaba ka thuso nngwe le ngwe e se tlaa bong se e tlhoka. Motshwarelela mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Tati, Rre Martin Nzehengwa le ene o ne a supa tlhobaelo mabapi le kwadiso ya ditsha. A re ba tshwanelwa ke go dira namane e tona ya tiro ka jaana go supagetse fa batho bangwe ba kopanetse dinomoro tsa ditsha mme go le mo maruding a bone go netefatsa gore ba baakanya ketsaetsego eo. Mo go tse dingwe, motshwarelela mokwaledi o ne a bolela fa lekgotla la bone le kolotwa madi a a seng kana ka sepe mabapi le dituelo tsa tiriso ya lefatshe, selo se a tlhalositseng fa se tlhokana le gore ba tswe ka maano a go phutha madi ao. A re le ntswa maiteko a bonala mo lekgotleng leo, fela ga go a lekana, ka jalo ba tshwanetse ba loma molomo wa tlase go diragatsa maitlamo a lekgotla le go kgona tse di solofetsweng mo go bone ke setshaba. Rre Nzehengwa o ne a bolela fa maikaelelo a moletlo ese go ipelela keresemose fela, mme gape o thusa go itshekatsheka le go kopana le ba -na-le seabe ba bangwe. BOKHUTLO
politics
7
Lephata le ruta badiri ka HIV/AIDS
E ne ya re bosheng ba lephata la pereko le selegae ba tshwara letsatsi la go rutuntsha babereki ka tse di amang mogare wa HIV le ka fa ba tshwanetseng go itshwara le go tshwara ba ba amegileng ka teng. E rile a amogela batsena moletlo oo, mookamedi wa lephata la pereko le selegae mo Selebi Phikwe, Rre Mothusi Komane, a tlhalosa fa mogare wa HIV o le kwa godimo mo toropong ya Selebi Phikwe, mo go tlhokang gore Batswana ba fetole boitshwaro jwa bone. O tlhalositse fa HIV/AIDS e gapa badiri mo ditirong ka go farologana, ke ka moo ba boneng go le maleba go dira thulaganyo ya go laletsa bana le seabe go tla go tlhatlhelela badiri ba lephata la bone ka tse di amang bolwetse jwa AIDS. Rre Komane o tlhalositse fa bangwe ba sa ntse ba na le bothata jwa go ikamogela, le go tswela mo pontsheng, gore batle ba kgone go bona dithuso tsa bongaka. O kopile ba lephata la pereko le selegae go phuthologa fa ba bua ka tse di amang bolwetse jwa AIDS le gone go amogela ba ba amegileng, gore le bone ba tle ba ikamogele. E rile a ema badiri ba lephata la pereko le selegae ka lefoko, modiri go tswa kwa mokgatlhong wa ‘Silence Kills’ mo Selibe Phikwe, Rre Othusitse Katlholo, a tlhalosa gore o itumetse thata go bo ba bone go le maleba go rulaganya thuto seka dipuisano ya go nna jaana, ka go supagetse fa go le gantsi dikgang tsa kgethololo di utlwala thata mo ditirong. Rre Katlholo o tlhalositse fa diemo di tshwana le lehuma le tumelo ya Setswana ya gore monna ke selepe, e le tsone di rotloetsang kanamo ya bolwetse jwa AIDS. O kothaditse batsena thuto se ka dipuisano go itekanya merwalo jaaka go fokotsa dikoloto, ka le tsone di ka dira gore motho a bo a ka nna le bakapelo ba feta bongwe e le go leka go thiba letlhoko le motho a tlaabong a na le lone. Rre Katlholo o supile fa kgodiso ya ngwana le yone e ka nna le seabe mo go anamiseng mogare wa HIV. A re bana ba tshwanetse go rutwa go ikemela ka nosi, a tlhalosa gore ngwana wa mosetsana o tshwanetse go rutiwa ditiro tse di farologaneng di tshwana le go phatsa dikgong gore e re kamoso a kgone go itirela, Fela jalo, a tlhalosa fa le ngwana wa mosimane a tshwanetse go rutiwa ditiro tse di dirwang ke ngwana wa mosetsane. O tlhalositse fa ngwana a ithuta thata mo go tse a di bonang ka matlho go na le tse a di utlwang, ka jalo batsadi ba tshwanetse go itshwara sentle fa pele ga bana. Mogakolodi go tswa kwa mokgatlhong wa Silence Kills, Mme Charity Manyepedza, o tlhalositse fa dipatlisiso di supa fa go sa ntse go na le kgethololo mo diofising ka bophara. A re batho ba sa ntse ba na le go anamisa seemo sa ba bangwe mo ditirong mme a tlhalosa gore ga go letlelesege, e bile motho o ka tseelwang dikgato tse di gagametseng go dira jalo. Mme Manyepedza o gakolotse badiri go phuthologa go itekodisa bagolwane ba bone mo tirong gore motho wa go nna jalo a tle a kgone go gololesega fa a tshwanetse go ya go bona ba bongaka. O gakolotse badiri ba lephata la pereko fa Silence Kills e le leloko la mokgatlho wa BONELA ka jalo fa mongwe asa tseega sentle kana seemo sa gagwe sa mogare se tsuulotswe, o ka kgona go itshwaraganya le bone gore motho wa go nna jalo a tle a tseelwe dikgato tse di maleba. Thuto seka dipuisano e, ene e tshwaretswe kwa diofising tsa pereko le selegae, kwa go neng go laleditswe maphata a tshwana le la botsogo go tla go ruta badiri ka fa ba tshwanetseng go itshwara ka teng fa ba amilwe ke bolwetse jwa AIDS. Mooki go tswa kwa sepateleng se segolwane sa Selebi Phikwe Mme Ndapiwa Ngewa o tlhalositse fa bolwetse jwa AIDS bo ilelwa jaaka botsetse. Mme Ngewa o tlhalositse fa e le ba bongaka ba rotloetsa molwetse yo o setseng a simolotse go nwa diritibatsi tsa mogare wa HIV go ikgapha mo nnotaging le gone go dirisa sekauso ka nako ya tlhakanelo dikobo. O tlhalositse gore fa motho a setse a simolotse go tsaya diritibatsi ga a tshwanela go di tlogela kana go di tlodisa ka gope. Mme Ngewa a re pele ba neela molwetse dipilisi ba mo ruta ka ditlamorago tsa kalafi ya tsone. Bokhutlo
health
6
Gare o dira ditlatlana ka mokgwa o mosha
Mme Seipone Gare wa Shorobe mo kgaolong ya Nhabe o itshetsa ka go loga ditlatlana ka go kopanya mokolone le sekhakha. Fa a buisana le Ke ka moo a kopanyang sekhakha le mokolwane go tla ka mekgabisa le metswako ya sesha. Mme Gare o loga ditlatlana, maseka, meseme le mekgabisa ya mo matlong. A re o simolotse tiro e a sa le mmotlana. A re ka go twe tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, o kwataboloditse kitso ya go loga mo go mmaagwe go simolola ka 1974 a le dingwaga tse thataro. “Ke simolotse go loga ditlatlana le mekgabisa ke le dingwaga tse thataro. Mo nakong eo fa o le ngwana wa mosetsana o ne o tshwanelwa ke go thusa batsadi ba gago ka ditiro tsa lelwapa. Ke ka moo ke neng ka ela mme tlhoko fa a loga mme ka tsaya botsipa jo,” ga tlhalosa jalo Mme Seipone ka monyenyo. Mme Gare o tlhalosa fa mo bogompienong a bereka a tsentse marapo dinameng ka gore paka ya bajanala e simologile, ka jalo ba tshwanetse go mo fitlhela a feditse bontsi jwa dilwana tsa gagwe. A re le ntswa ngwaga ono palo ya bajanalana ene e le kwa tlase ka mabaka a sejana sa lefatshe, letseno ke le le nametsang ka a sa lale ka tlala. A re bajanala ba nna ba etela motse wa bone go tla go reka dilwana tsa bone, a tlatsa ka go re tse dingwe ba di romela kwa Maun le madirelo a a fitlhelwang koo. A re ba thusiwa thata ke bajanala ba ba fetelang kwa mafelong a tshwanang le boMababe le Khwai ka ba ralala motse wa bone, mme ba phamole dilwana di le mmalwa mo marekisetsong a bone. A re o baya dingwe tsa dilwana tsa gagwe kwa Shorobe Baskets ka ke gone kwa bontsi bo etelang teng. Le fa go ntse jalo, Mme Gare o tlhalositse fa a a ise a thusiwe ka lenaneo lepe la puso. O boletse fa a eletsa go godisa kgwebo ya gagwe ka jaana e kgonne go mo tsenyetsa ngwana sekole le go tsenya phaletshe mo ntlong. Mme Gare a re dingwe tsa dikgwetlho tse a kopanang le tsone ke go bona matlhare a mokolwane. A re mo nakong eno ba tsaya bontsi jwa mokolwane kwa Shakawe. O boletse fa a tshwanelwa ke go dirisa dipoelo tse dingwe go reka didirisiwa, mme a re ka didirisiwa tse di bonwa kgakala, o felela a di reka boturu, selo se a reng ke poelo morago. Mme Gare a re ga a kgone go ya go itseela ditsompelo kwa nageng ka jaana go le kgakala mme a re fa puso e ka ba thusa ka go tsosolosa Shorobe Community Trust go ka nna botoka ka jaana ba ka ba thusa ka koloi go ya go bapala ditsompelo. “Ke ka rata go kopa batho ba Shorobe gore ba ikemele ka dinao ba dirise ditalente tsa bone gore ba itshetse, re mo nageng e e humileng, mme ke rona fela re ka ikhumisang ka go dirisa lehumo la naga” ga latlhela Mme Gare. A re o eletsa gore ba lephata la kabo ditsha ba mo abele setsha sa kgwebo, a tlhalosa fa a batla dithuso tsa madi tse di ka mo kgontshang go godisa kgwebo ya gagwe go nna le marekisetso a e leng a yone. O ne a wetsa ka go re o ka itumela fa a ka supa dilwana tsa gagwe kwa ditshupong tsa Gaborone. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Mogokgo o tshwenyega ka bana ba sekole
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Xere mo kgaolong ya Boteti Mme Boikanelo Makosha a re o tshwenyega ke bana ba ba tlogelang sekole. Mme Makosha o buile jalo fa a amogela dimpho tse di tswang mo babereking ba meepo ya Orapa, Letlhakane le Damtshaa ba lekalana la tsa Itshireletso ka Labone. Babereki ba, ba abetse bana ba sekole seo didirisiwa tsa thuto, tsa go tlhapa, mesangwana ya bomme, diphaleche le diaparo. A re mo ngwageng ono, go setse go dule bana ba le bane mo sekoleng, ba le bararo mo palong eo e le ba lekwalo la bosupa fa a le mongwe a ne a dira lokwalo lwa borataro. Mme Makosha a re seemo se se a tshwenya ka jaana batsadi ba sa dire maiteko ape a go rotloetsa bana go tsena sekole. O tlhalosa fa sekole sa gagwe se sa dire sentle mo dithutong, a supa fa ka 2014 ba bone maduo a 36 per cent, ka 2015 ba dira 17 per cent, fa ka 2016 ba ne ba dira 38 per cent mme 2017 gone ba dirile 50 per cent. A re maikaelelo a bone ke go dira 70 mo ngwageng ono, a tlatsa ka gore ba dira ka natla go tokafatsa maduo. Mme Makosha o boletse fa sekole se se butswe ka 2004 banni ba Xere ba sena go hudusiwa go tswa kwa CKGR. O tlhalosa fa sekole sa gagwe e le sengwe sa tse tlhano tse di kgakala le ditlamelo tsa kgaolo ya Boteti. Sekole sa Xere se na le baithuti ba le lekgolo masome a ferabobedi le bongwe mme mo go bone ba le lekgolo le masome a mane le botlhano e le ba ba thusiwang ke ba boipelogo fa ba le bane e le masiela. Mme Makosha a re ba na le lenaneo le ka lone bana ba fiwang dijo mo sekoleng ga bedi mo letsatsing ka jaana bane ba itemogetse gore bana ga ba je sentle kwa malwapeng. A re sekole sa gagwe se na le barutabana ba fera bongwe ba ba rutetsweng tiro, fa a le mongwe e le yo o hirilweng ka nakwana, ba ditiro tse dingwe ba le batlhano le ba le lesome ba tirelo setshaba le baithaopi ba Ipelegeng. Mme Makosha a re fela jaaka makalana a mangwe a thuto ba na le dikgwetlho tsa tlhaelo ya didirisiwa tsa thuto ka jalo a ikuela mo dikhamphaning go ba thusa ka lenaneo la Adopt a school. Kgosi Molaodi Moipalai wa motse oo o ne a supa fa a tshwenngwa ke batsadi ba ba sa kgathaleng ka thuto ya bana. Kgosi a re bana ba tlogela dikole go tsena mo maratong mme ba tshole bana ba le bannye, ka jalo a kopa batsadi go fetola seemo seo mme ba lemoge mosola wa thuto. Kgosi a re bana ba bone ba felela fela mo sekoleng se sebotlana, a tlhalosa fa a eletsa gore bana ba bone ba ye kwa dikolong tse dikgolwane gore ba tle ba tlhabolole motse wa bone, kana bangwe ba bone ba fetoga baeteledipele ba lefatshe leno ba ka moso. Kgosi o ne a rotloetsa bana gore le fa ba le kgakala le ditlamelo ba seka ba inyatsa mme ba tlhoafalele thuto. Mogolwane wa lekalana la tsa itshireletso wa Meepo ya Orapa Letlhakane le Damtshaa Mme Mpopi Moatlhodi a re ba na le matshego a ba tshelang ka one kwa khamphaning ya bone, ka jalo a re ba dirisitse le le reng ‘Supa gore o a kgathala’ mme ba kgobokanya madi gore ba thuse ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Mme Moatlhodi a re go le pele ba ne ba lekola sekole seo go utlwa matshwenyego a bone ke ka moo ba neng ba ba rekela dimpho tse e leng letlhoko legolo la bone. A re ba dira se ba le mo tseleng ya go leka go betla bokamoso jwa bana ba ba kgakala le ditlamelo gore ba seka ba itlhoboga le go ba lemotsha gore go na le batho ba ba kgathalang ka bone. Mme Moatlhodi a re bana fa ba nna le letlhoko le le ntsi ba ka kgobega marapo mme ba seka ba kgatlhegela go tsena sekole. ENDS
education
4
Kereke e thusa bana
Kereke ya Dutch Reformed kwa Malolwane e itlamile go bulela bana ba dikhutsana le batlhoki dikgoro gore ba tlhokomelelwe mo kerekeng fa gare ga beke. Se se tla morago ga gore mokgatlho wa Bakgatla Bolokang Matshelo (BBM) o kope lefelo la go tlhokomela bana ba bannye ba lenaneo la BBM Toddlers Playgroup mo motseng ba ka tshwara masome a robabongwe fa esale ngogola. E rile a ema bakereki ka lefoko, moruti Patrick Kubyadi a ba gwetlha go baakanya kereke go e baya mo seemong sa go ka tlhokomelela bana ba bannye. Moruti Kubyadi o ne a gatelela fa seabe sa bone se tshwanetse sa bonala, a re go direla bana ke go beeletsa mo bokamosong jwa lefatshe. O ne gape a ba rotloetsa go tsweledisa mowa wa go direla setshaba o Dutch Reformed e itseweng ka one le go tlhabolola matshelo a batho mo gae. Fa a tswa la gagwe, moeteledipele wa BBM, Rre Thabo Lentswe o ne a tlhalosa fa ba eletsa go atolosa lenaneo la bone la playgroup mo metseng yotlhe ya Kgatleng, ka jalo a leboga maitlamo a kereke ya Dutch go bo ba ba reboletse go dirisa kereke ya bone. Rre Lentswe o ne a tlhalosa fa BBM e sa dire dipoelo mme a gatelela botlhokwa jwa kemo nokeng ya setshaba. A re maikaelelo a bone ke go netefatsa fa bana botlhe ba nna le sebaka sa go tsena sekole sa bananyana pele ga ba ka simolola mophato wa ntlha, a tlatsa ka go re ba ikaelela gape gore bana ba ba tlhokileng lesego mo setshabebg ba seka ba salela kwa morago mo go tsa thuto. “Maikaelelo magolo a rona ga se go diga dikole tse di ikemetseng tsa bananyana ka gore rona re itebagantse fela le bana ba dikhutsana le batlhoki. Re bereka le ofisi ya boipelego go dira ditshekatsheko mo motseng. Ke bua se ka gore re setse re itemogetse fa re gotlhagotlhana le batsamaisi ba dikole tseo,” Rre Lentswe a tlhalosa. Le fa go ntse jalo, a re kwa mafelong a go senang dikole tsa bananyana ba tsaya bana botlhe ba sa tlhaole, e le tsela nngwe ya go fa bana thuto ya motheo e a rileng e botlhokwa mo kgolong ya bana. Rre Lentswe o ne a gwetlha batsadi go tsenya letsogo go thusa ka se ba nang le sone, a re ntswa ba sa ba duedise, tshwaragano ya botsadi le botsamaisi e botlhokwa go netefatsa fa lenaneo le tswela bana mosola. O ne a tlatsa ka go re go botlhokwa gore batsadi ba thusanye le kereke, segolobogolo mo go phepafatseng le go duela ditlamelo di tshwana le metsi. E rile a tswa la gagwe, Mme Maikano Matlou Dutch Reformed o ne a kgothatsa bangwe ka ene go dira ba sa ngongorege, a re ke maikarabelo a bone gore ba baakanye kereke go e baya mo seemong se se ka tlhokomelelang bana. Mme Lilian Senwelo le ene o ne a nesetsa tiro eo ya go bulela bana dikgoro pula, a re go ruta bana ke go ruta setshaba. BOKHUTLO
religion_and_belief
8
Makhanselara a lela ka letlhoko la metsi
Tlhaelo ya metsi mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ga e jese makhanselara diwelang. E rile a bua kwa phuthegong ya khansele, mokhanselara wa Themashanga, Rre Kudzani Tobokwani a tlhalosa fa mo kgaolong ya gagwe ba kgona go nna kgwedi yotlhe ba sa bone metsi fa gare ga beke. O ne a supa fa se e le kgwetlho ka a re fa gare ga beke ke nako e batho ba a bo ba tlhoka go dirisa metsi thata ka ba ya ditirong le dikole. A re seemo se, se felela se ba patika go ga metsi mo nokeng mme a se phepa gape a sa siamela botsogo jwa batho ka a ka ba tsenya malwetse. Rre Tobokwani a re go botoka go bolelelwa setshaba go santse go na le nako gore se itse gore metsi a tlaa bo a seyo leng. Mokhanselara wa Masunga Rre Ellias Mbonini, le ene o tlhalositse fa seemo se sa letlhoko la metsi se sa mo jese diwelang ka motho a ka seke a tshele go sena metsi e seng e bile go le mogote jaana. O ne a tlhalosa fa go ne ga nna le tlhaelo ya metsi lebaka la malatsi a le matlhano mme ba Water Utilities Corporation, ga ba ise ba tsise pego le ntswa go na le matshwenyego. Mo go tse dingwe, Rre Mbonini o ne a ntsha selelo sengwe sa gore batho ba a lela ba re ba sale ba ikopetse dithuso tsa lenaneo la LIMID le le thusang batho ka dipodi ka ngwaga wa 2012 mme le mo nakong eno ga ba ise ba fiwe phetolo. O tsweletse ka gore batho ba Vukwi le Letsholatshebe ke bangwe ba ba saleng ba ikopetse mme jaanong ba felela ba itlhoboga ka go a bo go na le lebaka le le leele ba ntse ba ikopetse. Rre Mbonini o tsweletse a tlhalosa fa se jaanong se dia batho go diragatsa dikeletso tsa bone ka gore fa ba ne ba filwe, ba ne ba ka kgona go tla gore e re fa diruiwa tse di sena go tsala ba di rekise ba bone gore ba ka itshetsa jang. O ne a bolela fa nako nngwe a ne a felela a bitsa molemisi ba ya go tsena diphuthego gore a tle a ba tlhalosetse gore bothata ke eng.
society
9
Bogodu jwa leruo bo a tlhobaetsa
Motshwarelela mookamela mapodisi a Bobonong, Assistant Superintendent Nshaki Mabophiwa, a re le ntswa ba segile tema mo mererong ya twantsho borukhutlhi, o santse a sa jesiwe diwelang ke bogodu jwa leruo jo bo apesitseng kgaolo ya gagwe kobo ka letshoba. Mo potsolotsong Rre Mabophiwa o kaile fa kgaolo ya gagwe e lebaganwe ke kgwetho e tona e e rotloetsang gore bogodu jwa leruo bo atle ka e tletse ka melatswana e e emang metsi. A re se se dira gore leruo le nwe metsi gongwe le gongwe mme ka jalo go nne thata gore beng ba lone ba le laole.O kaile fa magodu ba lalela leruo la mothale o, mme e re ba bona tshono ba le gatelele. Rre Mabophiwa a re ba itemogetse fa bontsi jwa nako badira molato e le batho ba ba leng magorogo masha go tswa kwa dikgolegelong. A re se se a tshwenya ka tsholofelo e le gore kgolegelo e tshwanetse kwa motho a agwang sesha teng, gore a fetlole mekgwa ya gagwe.A re go ngomola pelo gore ere motho a sena go disa poo lebaka le feta ngwaga tse tlhano a bo a setse a ikgata motlhala go boela kwa kgolegelong. Rre Mabophiwa o gakolotse batsadi go tsenya leitlho thata boitsholong jwa bana ba bone. O kgadile a sa kgwe mathe batsadi ba ba tlogelang bana ba le nosi mo malwapeng fa bone ba nna kwa masimo, a kaya fa se se neela ngwana tshosologo ya go dira se a se batlang ka naga e senang khudutlou bo lobeto ba ipha naga. Le fa go ntse jalo a re seemo se sengwe se se tshwenyang ke go thujwa ga marekisetso mme a gakolola bagwebi gore dikago tsa bone di babalesegile.A re marekisetso mangwe a ageletswe ka ditena mme se se fa magodu sebaka sa go senya ba tshosologile ka go sena mofiti ka tsela yo o ka mmonang. O akgotse bagwebi ba e reng fa ba sepodisi ba kua mokgosi go tshwara diphuthego tsa go tswa ka metlhale ya go lwantsha borukhutlhi ba nne tsebe ntlha go utlwa.
crime_law_and_justice
1
Kgosi o kopa morafe go emisa go tshwara ditlhapi
Mo botshelong go na le methale e le mentsi ya go iphataphatela go na le go ineelela borukutlhi. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Nokaneng bosheng, Kgosi Kebonyetsala Fish, o ne a supa ikuelo le kgalemo mo morafeng wa gagwe gore ga a itumedisiwe ke dipalopalo tsa batho ba ba tsweletseng ka go tshwara ditlhapi ba sena teseletso ko letsheng la Ngami le ntswa go tswaletswe. Kgosi Fish wa Nokaneng, o kaile fa seemo se se ile magoletsa e bile se tlhobaetsa segolo-bogolo mo bangweng ba morafe wa gagwe.E re ntswa ditlhapi di le bogadi bo gaufi e bile di busetsa lemme le le botoka, Kgosi Fish o buile a sa kgwe mathe gore go gotlhagotlhana le puso go ka tsenya batho mo mathateng. “Ga ke itumedisiwe ke batho ba ba tsweletseng ka go tsoma ditlhapi ko letsheng la Ngami. Batho ba ba a iphitlha, ba nna mo teng ga dikoma ba tshaba mapodisi mme se se borai fela thata mo matshelong a bone.Se, ga se yone tsela e e lolameng ya go ipatlela botshelo,” kgosi a gatelela. Kgosi Fish o rotloeditse banni ba Nokaneng go tshwara ditlhapi ko mafelong a mangwe ko go buletsweng teng jaaka Shakawe, go itsa tlolo molao ka ba ka tseelwa dikgato tse di maleba.Gangwe le gape, o rotloeditse barui go tlhokomela leruo la bone, ba le ntshe mo mekgwatheng ba bo ba le tlwaetse masaka go itsa gore di tlole molelelwane/terata e e kgaoganyang dinare le batho (buffalo fence). Jaaka e le tlwaedi, fa di ka tlola molelwane/terata, molao o letla gore di bolawe mme seo e nne poelo morago mo moruing. Kgosi Fish o lebogile puso go bo e tsentse letsogo mo go lwantsheng bolwetse jwa tlhako le molomo mo kgaolong ya gagwe, gangwe le gape o lebogela lemme la phimolo dikeledi ya P700 e e neelwang barui fa leruo la bone le jelwe ke diphologolo tsa naga. O kaile fa se, e le tokahatso maduo e kgolo ka phimolo dikeledi e kile ya bo e le P400 mo nakong e e fetileng.
crime_law_and_justice
1
Khansele e lekodisitwa ka ditiro tsa ditlhabololo
Go agiwa ga maemelo a dikoloi tsa setshaba kwa Palapye mo go yang go lopa P74 974 902.51, go tsweletse, mme konteraka e filwe sebaka sa dikgwedi tse di lesome le boroba bobedi gore e bo e weditse tiro eo. Fa a begela khansele potlana ka Labobedi, mogolwane wa tsa ditlhabololo tsa kgaolwana potlana ya Palapye, Rre Pheto Dintwe a re, mo nakong eno tiro e e dirilweng e setse e dirisitse P24 114 170.52, fa yone e le mo selekanong sa 23 phesente fela. O ne a supa fa tiro eo e lebanwe ke kgwetlho ya kwa go epiwang mmu teng ka lefuti le le ntseng le dirisiwa le tswetswe, a re legale konteraka e ne ya iphataphatela go bona kwa e ka tsayang mmu teng. Erile a tlhalosa ka kago ya diofisi tsa sepodisi, Rre Dintwe a re go gogelwa ga metsi koo go abetswe P4,653.52, fa tiro yone e setse e le mo selekanong sa 75% go wediwa, a supa fa mo nakong eno se se saletseng morago e le ditanka tsa metsi tse di tshwanetseng go tsenngwa, tse rakonteraka a kopilweng go tsenya badiri ba tsone ba Aferika Borwa legonnyana go di gorosa. A re paakanyo ya dikole tse dikgolwane e tsweletse sentle mo go tse dingwe, fa dingwe di santse di neilwe komiti e e sekasekang go di leba. O tsweletse a tlhalosa fa dikago tse di neng di baakangwa tsa sekole sa tiro ya diatla sa Palapye di weditswe mme di lopile P2 613,671.60. Rre Dintwe o supile fa lephata meepo, kgotetso le metsi le abetswe P9,556,525.44, a tlhalosa fa tiro koo e le mo seemong sa 95% go wediwa, le fa e ne ya lebana le bothata ja go utswiwa ga didirisiwa dingwe tsa didiba, mo go neng ga ama gape le go gokelwa ga motlakase kwa didibeng di le pedi. A re le fa gontse jalo, ba lephata la metsi ba ne ba tswelela ka ditiro tse dingwe ba bo ba thapa konteraka e ntsha. Mo kgannyeng ya go isiwa ga ditlamelo kwa Diboko ke Lephata la Ditsha le Matlo, Rre Dintwe a re go simolotswe, sebe sa phiri ke gore tiro e bonya ka mabaka a dipula tse di tsweletseng le gone gore konteraka e ne ya ya malatsing a boitapoloso ka Sedimonthole, a re e abetswe P373,595.312.70, mo nakong eno e mo seemong sa 1.7%. Rre Dintwe o tsweletse a lekodisa khansele ka lephata la dipalamo le ditlhaeletsano, a tlhalosa fa lekalana la ditsela le tsweletse ka go dira matshwao a tsela, go thiba fa ditsela di epegileng teng, go kgaola bojang jo bo fa thoko ga tsela, mme a re tse di saletseng kwa morago di tlaa tsweledisiwa. O tlhalositse fa paakanyo ya diofisi tsa ba ditsela e ise e simologe. O ne a tlhalosa ka seemo sa ditiro tse di tsweletseng tsa maphata ka go farologanana jaaka la thuto, ditsela, dikago, metsi le kago ya matlo a dibetso tsa tlholego, tseo tsotlhe e le tse di lebanweng go dirwa ke kgaolwana potlana ya Palapye. O supile matshwenyego ka maphata mangwe a puso a a sa tsiseng dipego tsa bone gore ba di lekodisane le makhanselera, a re seo se ba direla tiro bokete ka ga ba itse seemo sa ditlhabololo. BOKHUTLO
politics
7
Bagolwane ba tlhagisiwa ka tshenyetso setshaba
Morago ga go lemoga fa lefatshe leno le amega mo tshenyetsong setshaba, go ne ga tlhomiwa lekgotla le le setseng le nale dingwaga le ntse le dira la twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo. E rile a bua mo thutuntshong ya malatsi mararo ya baokamedi ba maphata a a welang ka fa tlase ga ofisi ya ga tautona kwa Palapye bosheng , mogolwane go tswa kwa lephateng la twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo, Rre John Thupeng a re lephata leo le tlhamilwe go sena go bonala matlhasedi a tshenyetso setshaba mme a le bofitlha mo lefatsheng leno. A re seo se ne sa dira gore ba leke go ka itshwaraganya le maphata a puso, gore ba ba tswe thuso kwa ba leng teng ka go nna le mhama wa botlhotlhomisi le tshenyetso setshaba mo maphateng a bone. Rre Thupeng o tsweletse a tlhalosa gore ditirelo tsa lephata la bone di ne tsa atologa mme tsa ngokela makalana a mangwe go thusa go le tiisa jaaka la Botswana Institute For Development Policy Analysis BIDPA, Botswana Confederation of Commerce Industry and Manpower BOCCIM, Attorney General, ofisi ya mmueledi, lekgotla le le bapatsang dithoto tsa puso le lephata la khiro ya badirela puso, ba makgotla a selekane ga mmogo le mmadikole ba ba neng ba dira mokwalo o tlhalosang ka botlalo ka gore tshenyetso setshabake eng e bile e bonwa jang mono gae. Rre Thupeng a re go sa direng dilo sentle le gone go itshwaraganya le bagolwane ka maikaelelo a go ba fa pipa-molomo motho a lebile go ka tlhatloswa maemo kana gore dilo di mo tsamaele sentle mo tirong, ke tshenyetso setshaba gammogo le tiriso maemo e eseng ka fa tshwanelong ya bagolwane, segolo thata mo go abiweng ga ikopelo ditiro tsa puso ke boradikonteraka. O ile a re, gole gantsi lekalana la theko ya dithoto tsa puso le go abiwa ka ipapatso ya ikopelo ditiro mo maphateng ,ke gone go tshabelelwang segolo bogolo ke tshenyetso setshaba ka go diriswa madi madi. Rre Thupeng a re, go nale dipelaelo tsa gore batho bangwe ba ba tsenang mo go abiweng ga ipapatso tseo ba rothisa mmutla madi go loma tsebe baikopedi ka ditlhwatlhwa, a re seo, se koafatsa itsholelo ka gantsi ditiro di neelwe rakonteraka a le mongwe nako tsotlhe. O kopile boeteledipele go tsenya letsogo mo dikgannyeng tsa mofuta o, go thusa go lwantsha tshenyetso setshaba . Mongwe wa bagolwane ba lephata leo Rre Keleemetse Moloko o supile fa ele tshwanelo ya baeteledipele go itse le go lebelela tsotlhe tse di ka nnang sefatlhi mo makalaneng a bone, le go dira tsotlhe tse ba ka di kgonang go kganela tshenyesto setshaba. O ne a re, o solofela fa boeteledipele bo ya go ba thusa go tswa ka methale e tshenyetso setshaba e ka lwantshiwang ka yone mo makalaneng a bone. A re, ba tshwanetse ba bula matlho go ka lemoga tshenyetso setshaba e ise e loelele , go e kganela le gone go tlhotlhomisa fa ba belaela sengwe se se fatlhang.O tsweletse a re, ke tshwanelo ya bone go tseela bodiredi dikgato tse di maleba fa ba belaela sengwe. Rre Moloko a re, lephata lengwe le lengwe la puso le tlhoka komiti ya thibelo tshenyetso setshaba e e dirang ka natla e bile e rwele boikarabelo ja go leba dilo ka leitlho le le tseneletseng le go tlhaloganya ditsamaiso tse di teng tsa lephata, e nale lenaneo le le tsepameng le le bulegileng go dira dilo ka fa tshwanelong, segolo jang mo makalaneng a Human Resource Management, Records Management Unit, Personnel le ba Supplies. A re, ao ke one matshego a lekalana le itsheegileng ka one, a gole gantsi a tshabelelwang ke mhoholela wa tshenyetso setshaba. E ne e rile gole pele fa a amogela baeng, mookamela lephata la dikitsiso Rre Russ Molosiwa, a supa fa go tlhoka kitso le thuto ele one mmaba mogolo mo tsamaisong tsa bone segolo jang mo go yone twantsho tshenyetso setshaba. A re, thutuntsho e, e ya go ba bula matlho go inaakanya le go tsosolosa dikomiti tsa bone gore di dire ka natla go ntsha maduo. O supile fa mo lephateng la gagwe komiti ele teng fela e sa dira sentle mo ngwageng o o fetileng, le ntswa e ne e rile mo tshimolodisong ya yone ya dira go tlala ka diatla, maphata abo a tla go anya maele mo go bone. Rre Molosiwa a re, mo ngwageng o o sa tswang go feta, ba ne ba simolotse sentle ele ba lephata la dikitsiso mme ba nna le dikgwetlho, ka diofisi dingwe di ne di sa dira sentle, seo sa ba digela tlase. Mme a tlhomamisa gore mono ngwaga ba ya go tsholetsa serodumo sa bone gape ka jaanong a tsere boikarabelo ja go okamela komiti eo.
society
9
Rammolai o tlhomiwa go nna kgosi ya Makabi
E rile bosheng kwa motseng wa Palapye ga tlhomiwa Rre Dikakanyo Rammolai go nna kgosi ya kgotla ya Makabi. Rre Rammolai o tlhomiwa morago ga go tlhokafala ga kgosi ya pele ya kgotlana eo Rre Seboka Ntlhaga ngwaga o o fetileng. Rre Dikakanyo Rammolai o tsholetswe kwa motseng wa Serowe kwa kgotleng ya Masilo ka ngwaga wa 1963. Fa a mmaya mo setilong, kgosi ya motse wa Palapye Kgosi Masego Olebile o boletse fa e ne ya re morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Ntlhaga ba laola morafe wa kgotla ya Makabi go itlhophela kgosi, mme ka jalo ba itlhophela go etelelwa pele ke Rre Rammolai yo o neng a rurifadiwa ke puso. Kgosi Olebile o tlhalositse fa Rre Rammolai a tsile go thulana le dikgwetlho tse di farologaneng ga mmogo le dipuo tsa morafe, mme a mo tlhagisa gore a tlhokomologe dipuo a itse fa e le tsala ya puso, e le ene a eteletseng morafe pele e bile a seka a iphitlhela a tsene mo dikgang tsa tshenyetso setshaba tsa go rekwa ka madi ka a senyeditse ba le bantsi ditiro. Fa a mo ema ka lefoko, Kgosi Nkwaila Maphanephane wa kgotla ya Lotsane, o kopile Rre Rammolai go dira morero le batho ba gagwe ka nako tsotlhe ga mmogo le go bereka le dikomiti tse di farologaneng di akaretsa ya ditlhabololo tsa motse, ya twantsho borukutlhi le ya sekole ya batsadi le baruta bana. E rile a lebogisa monnawe, Mme Gaerupi Solomon Olebeng a kgothatsa Kgosi Rammolai go dira le morafe ka lorato le kagiso, go tsaya batho ka tekatekano le go nna bonolo ka gotwe ina le lentle le a ipatlelwa e bile kgosi ke thotobolo e olela matlakala. E ne yare a ntsha la gagwe, mogolo wa motse Rre Maina Kgopo a tlhalosa fa peo ya kgosi e le tiro e kgolo ya ditso le ngwao, ke ka moo go na le mo go tweng ngwao boswa. A re Rre Rammolai a seka a tsenelela thata mo dipolotiking mo morafe o ka lemogang kwa a sokametseng teng ka e le kgosi. Rre Kgopo a re Kgosi Rammolai a itse fa a felelang teng fa a tsaya ditshwetso, a botse fa a sa tlhaloganyeng teng e bile a dire le magosi a mangwe ba mo rute tiro, mme a seka a belwa ke bogosi jaaka batho bangwe ba belwa ke maemo. O tsweletse a tlhalosa fa kgosi ele kgosi ka morafe ka jalo a kgothatsa morafe wa Makabi go ema kgosi ya bone nokeng gore a kgone go ba etelela pele ka a ka se kgone a le nosi. Bokhutlo
society
9
Dikhwaere di thusa go gasa molaetsa wa ditlhopho
Dikhwaere tsa kgatleng di itlamile go thusa go gasa molaetsa ka ditlhopho tse di tlang ka mmino le dipina tse dinang le molaetsa wa boleng ka mananeo a masha a ditlhopho. Fa a bua ko thuto seka dipuisano e e neng e tshwaretswe kwa Phuthadikobo Museum ka Labotlhano ko Mochudi, Moeteledipele wa ofisi ya ditlhopho mo Kgatleng Rre Gakenosi Motshwarakgole o tlhalositse fa dikhwaere di ka anamisa molaetsa ka bonako mo metseng e farologaneng ka ebile di le dintsi mo Kgatleng. O boletse fa dikhwaere di le botlhokwa mo balateding ba tsone mabapi le ditlhopho ka di ka ba fetisetsa molaetsa ka bonako mme gape ba o fetisa ka tsela e nang le kgogedi ka mmino le dipina tse di amanang le tlhopho. Rre Motshwarakgole o boletse fa moono mogolo wa ofisi ya bone e le go netefatsa fa molaetsa wa ditsamaiso tse disha o gorogile ka nako mo batswaneng pele ga go iwa ditlhophong ka jalo go dirisana le dikhwaere ke tsela nngwe ya go gorosa molaetsa ko batswaneng. O tlhalositse fa a na le tsholofelo ya go tswelela ba dirisana le dikhwaere go gasa molaetsa fa ba ntse ba tsweletse le mananeo a mangwe a ditlhopho go fitlhela ka letsatsi la ditlhopho. O kopile Batswana go tswa ka mananeo a mangwe mo dikgaolong tsa bone go fetisa molaetsa wa ditlhopho. Modulasetilo wa Sedibelo Choir, Rre Aron Ogopoleng o tlhalositse fa ba bone go tshwanela go ikopanya le ba ofisi ya ditlhopho ka Bakgatla ba na le kgatlhego e ntsi thata mo dikhwaereng mme jalo molaetsa o tla amana le lefatshe ka bophara. O boletse fa ba tla gatisa dipina ka mananeo a masha a ikwadiso ditlhopho mme ba di rekise mo batswaneng le go di romela ko setshwantshong sa motshikinyego le diromamowa ka go farologana go gasa molaetsa. Rre Ogopoleng o boletse fa go tla nna le dikgaisano tsa dikhwaere tse di lesome le botlhano ka dipina tse di nang le melaetsa ya ditlhopho kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa khwaere ya bone kgwedi e tlang ka boipuso ko mabaleng a sedibelo go batla mofenyi. O tlhalositse fa mofenyi a tla ikgapela P10 000 le kopi, fa ya maemo a bobedi e tla fiwa P8 000 le kopi mme ya boraro e fiwe P6 000 le kopi. A re tse dingwe tse di setseng di tla fiwa P4 000. BOPA
arts_culture_entertainment_and_media
0
Bagwebi ba majalwa ga ba robatse Kgosi
Kgosi Tshwaro Masisi wa Mabesekwa a re ga a jesiwe diwelang ke bagwebi ba bojalwa ba a tlhalosang fa ba ikgatholosa tsamaiso e e lolameng ya theko le thekiso ya bojalwa. O ntshitse ngongorego eo bosheng fa a buisana le BOPA mo potsolotsong, a tlhalosa fa bagwebi ba, segolo bogolo ba majalwa a Setswana, ba sa rekegele dinako tsa theko le thekiso ya bojalwa . Kgosi Masisi o ne a tlatsa ka go supa ngongorego mo bagwebing ba ba tsenyang metswako mo majalweng go dira gore majalwa a nne bogale le go gaisa. Selo se o supile fa jaanong se baka mathata a a seng kana ka sepe mo go rotloetseng maitsholo a a sa eletsegeng mo setshabeng. O tlhalositse fa gemmere e e dirwang mo malwapeng e le yone e tsenyang banwi tsebetsebe ka jaana go se na letsatsi lepe le le tlhabang ba ise ba begelwe dintwa le matlhapa. “Bosigo le motshegare re nna re tabogile lepaapaa ke dipego tsa dintwa kwa marekisetsong a majalwa ka jaana dingwe tsa dititeo tseo e a bo e le tse di masisi,” a bua jalo a tlhalosa fa dintwa tse go gobatsanwa ka dilo tse di bogale jaaka dithipa. Gape o ne a tlatsa ka go tlhalosa fa mo nakong eno, bangwe ba banni ba ba amegileng mo dintweng bosheng kwa marekisetsong a majalwa ba robaditswe kwa kokelong ya Nyangabwe kwa Francistown. O supa fa se se ngomolang pelo ka dikgang tse e le gore di akaretsa banana ba e leng bone babusi ba ka moso. Ka jalo, Kgosi Masisi o ne a ikuela mo bananeng go ikgapha mo ditirong tse di duleng mo tseleng tse di ka ba senyetsang isago. O bile a kopa bagwebi ba majalwa go obamela dinako tsa theko le thekiso ya majalwa, le gore ba lese go tsenya metswako mo majalweng e ba sa itseng selekanyo sa yone le borai jwa yone mo matshelong a banwi. E re dikgang di eme jalo, Kgosi Masisi o tlhalositse fa ba tlaa leka ka bojotlhe go gagamatsa setoropo mo go ba ba itlhokomolosang tsamaiso ya theko le thekiso ya bojalwa. A bogogi le mapodisi ba tlaa nna ba tshwara diphuthego go buisana le banni go ba ruta ka tsamaiso e e lolameng ya theko le thekiso ya bojalwa. BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
Kgosi o kopa morafe go fudusa leruo
Kgosi wa Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Edwin Ramokobetwane, a re ga a itumelele leruo le le sailang mo motseng. O buile seo mo phuthegong ya kgotla e a neng a e biditse go lekodisa banni ba motse wa gagwe ka matshwenyego a a lemogang. O ne a supa fa a sale a kopile barui go isa diruiwa tsa bone kwa masimo le merakeng. O ne a supa gape fa loruo leo le leswefatsa tikologo le go baka tshenyo mo malwapeng a batho. Kgosi Ramokobetwane o supile gape fa a tshwenngwa ke batho ba ba sa somareleng metsi. A re batsadi bangwe ba roma bana kwa dipompong mme bana ba tshameke ka metsi. Kgosi Ramokobetwane o ne a supa fa gona le dikgang tse dintsi tsa borukhutlhi tse di bakiwang ke ditagi. O ne a kopa morafe go ba loma tsebe ka batho ba ba rekisang ditagi di akaretsa motokwane. A re ditagi di ka felela di baka malwetsi mo mothong. Kgosi Ramokobetwane o a supile fa borukhutlhi jwa leruo bo ile magoletsa. O kopile batsadi go se letlelele borukhutlhi. O tshwentswe ke batho ba ba inyadisang. A re fa go bontsi jwa batho ba nna ba sa nyalana ba bo ba reke dilwana tsa motse mmogo le go nna mmogo ba tshotse bana. O kaile fa seo se sa siama. O supile fa seo se ba tsenya dingalo ka nako tsa dintsho. O kaile fa batsadi ba mongwe bat la lwela dithoto ka go ne go sena setlankana sa lenyalo. Kgosi Ramokobetwane o ne a supa go nna ga batho ba sa nyalana go feleletsa go dira gore batho ba bolaane kana mongwe a ikgapele botshelo. O ne a ba kopa go ithotloetsa go phepafatsa dikgotlana tsa bone. Kgosi o ne gape a kopa banni ba motse oo go dirisana go sa kgatlhelesege ka letso la bone. O ne a kgala semorafe se se diragalang mo motseng a sa kgwe mathe. O ne gape a kopa banni go kwadisa ditlankana tsa dintsho le go bega dintsho kwa kgotleng. O ne a tswelela ka go kopa banni ba motse oo go direla bana omang ga ba tlola dingwaga tse di lesome le borataro le go ba direla ditlankana tsa matsalo. Fa ba kgwa Kgosi dikgaba Rre Motlapele Kukama o supile fa letlhoko la metsi le sa ba itumedise. O kaile fa go bereka dipompo tse pedi mo motseng se se bakang gore gore ba kgotlhaganele kwa dipompong tseo. O ne a supa fa dikgang tsa batho b aba nnang ba sa nyalana e tlhokana le go neelwa dikgosana gore ba e rute kwa dikgotlaneng go fema dikgang tse dintsi. BOKHUTLO
society
9
Maphata a ipela le Phakwe
Fela jaaka mafelo a mangwe, e rile bosheng moraka wa Phakwe wa amogela dimpho tsa keresemose pele ga nako go tswa mo maphateng a kgaso le dikitsiso kwa Selebi Phikwe. Maphata a kgaso le dikitsiso a simolotse go abela banni ba Phakwe dimpho ka 2012 mme ba bona go le botlhokwa go tswelela ba ba fa dimpho ngwaga le ngwaga. E rile a ema banni ba Phakwe ka lefoko kwa moletlong oo, Rre Tikologo Phillipo go tswa kwa Botswana Housing Corporation kwa Selebi Phikwe a tlhalosa fa go aba go tswa mo leratong le fa motho a ka tswa a sena sepe se se kalo se a ka se nayang motho yo mongwe. Rre Phillipo o kopile ba ba abetsweng dimpho di akaretsa dijo le diaparo go di dirisa ka fa tshwanelong , a tlhalosa gore puso e tshwenngwa ke dikgang tse o fitlhelang batho ba ba abelwang ba rekisa tse ba di neelwang mme ba sale ba ntse ba le mo botlhoking. Rre Phillipo o ba rotloeditse go itirela ka diatla ka a re kgaolo ya bone e tletse ka ditsa tlholego tse ba ka itshetsang ka tsone jaaka go betla le temo.Rre Phillipo o tlhalositse fa maikaelelo a maphata a mabedi e le go diragatsa moono wa ofisi ya ga tautona wa go thusa ba ba sa kgoneng ka puso e ka se kgone e le nosi. Rre Baboloki Johnson go tswa kwa kerekeng ya Bible Life Ministries mo Selebi Phikwe o tlhalositse gore go le gantsi go buiwa ka go baakanyetsa mowa wa motho bokamoso mme batho ba lebala mmele ntswa le one o tshwanetse go nonotshiwa gore o kgatlhe. Rre Johnson o tlhalositse fa mo baebeleng go tlhalosiwa gore fa motho a kgona a seka a kgoba yo o sa kgoneng ka o a bo a kgoba Modimo, a tlatsa ka gore Modimo o rata batho ba abela ba ba sa kgoneng. Ba lephata la kgaso le dikitsiso ba tlhalositse fa ba kopile dithuso mo dikomponeng tse di farologaneng di akaretsa Doctor Kim, Standard Chartered Bank, Botswana Housing Corporation, Letshego, Bible Life Ministries, Builders World le First National Bank.
society
9
Nyeletso lehuma e ntsha maduo
Motswana fa a re senamphatshwana sa morwadia kgosi se bonwa bojale bo aloga, o ne a buile otlhe ngwana wa mmala wa sebilo. Ke boammaaruri jo bo sa jelweng pheko, kana ditiro tsa motho, boitshwaro le boleng jwa puo ya gagwe di kgona go bolela maemo a motho le se a leng sone mo setshabeng. Ka tsela e e ntseng jaana go bo go kgona go lemotshega motlhofo fa e le motho yo motona mme fa a santse a le mmotlana go bo go ka lemotshega gore e tlaa nna motho yo o ntseng jang. Botshelo jwa ga Mme Mpho Kobang bo netefatsa se fa o bo kanoka. E rile fa babega dikgang ba etetse Mme Kobang kwa kgaolong ya Mochudi Bokone, a bolela fa a tsene mo kgwebong ya mofuta o ka a ne a bona e le mpho e a e filweng ke Ramasedi go tswa bonyaneng. O boletse fa ka Tlhakole wa 2013 ba ne ba isiwa dithutong kwa Bokaa tse di tsereng beke fela tsa go ithuta go kgabisa mo meletlong ba dirisa tante. Kgwebo ya gagwe e gatetse pele mo a setseng a na le babereki ba le bararo ba e leng banna botlhe. A re e rile a sena go bolelelwa ke ba boipelego ka lenaneo la nyeletso lehuma, ene le Mme Lebogang Tlhagwane ba fiwa madi le didirisiwa ke ba bopipelego go balelwa le yone tante ya selekanyo sa dimmithara tse di supang bokhutshwane le tse di lesome le borataro boleele. Ka fa a bolelang ka teng, ba ne ba tswelela mo sebakeng se e seng sa sepe mme ba tloga ba dumalana gore ba ikemele ka nosi. A re ba ne ba tsaya tshwetso e ka gore dinako tse dingwe go bereka le yo mongwe go busetsa kgwebo morago. Ka fa a bolelang ka teng ba khansele ba kgona go mo thapa a baakanyetsa diphuthego tsa puso tse di farologaneng jaaka tsa ga Tautona le mapalamente. O kgona go lalediwa mo manyalong, diphathi, dintsho, le meletlo e e farologaneng ka kakaretso, mme a nne le dipoelo tse di nametsang pelo. O rotloetsa ba ba mo kgwebong ya mofuta o ba ba gogang dinao go itse gore lobelo ga se lwa motloga pele, fa motho a na le maikaelelo o kgona go itoma sekgono fela le fa a kopana le dikgwetlho tse di rileng. Mme Kobang ga a lebege e le motho yo o kileng ya re ka nako nngwe a itlhoboga mo seemong sepe fela se se ka kgobang marapo mo kgwebong ya gagwe, ka a boletse fa e le mo mading a gagwe mme a e dira ka lorato le bonatla. O na le kgwetlho ya go tlhoka moalo o mohibidu wa batlotlegi le o motala o o alwang kwa tanteng. E re ka kgwebo ya gagwe e mo tswela mosola, o na le lenaneo la go ithekela koloi e a ka e dirisang mo tirong le go tlhabolola ntlo ya gagwe. O gateletse gore mo nakong eno ba khansele ba a tle ba mo kope go tla go rutuntsha bagwebi ba ba simololang go tsenelela dithuto tsa go gweba ka tante le didirisiwa tsa yone. Mogwebi yo mongwe e leng Mme Poifo Pilane wa Modipane yo le ene a leng mo kgwebong ya tante, o boletse fa ene kgwebo ya gagwe e sa itumedise ka jaana a sa bone ba ba mo thapang. O boletse fa le ene a ne a ya dithutong kwa Bokaa fa ba ne ba rutintshiwa ke ba Kelsi Catering, mme ene le yo a nang nae e leng Mmatinkani Kgathatsa ba sa kgone go bereka mmogo, selo se se digetseng kgwebo kwa tlase. A re ba ne ba bolelela ba boipelego ka kgang ya bone mme nako kgolo ke eno ga go ise go nne le tharabololo. A re mo nakong eno o tsweledisitse kgwebo ka go ipapatsa. “Ga ke itse gore fa go santse go na le ba ba sa kgoneng go bereka ba le babedi, ba tlaa dira jang ka jaana we want to go big, re batla go gola,” ga rialo Jeremiah. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Malatangwao a a ipelega
Mokgatlho wa Malatangwao kwa Serowe, o simolotse methale ya go kokoanya madi go baakanyetsa letsatsi la ngwao le le tlaa bong le tshwaretswe kwa kgotleng kgolo ka kgwedi ya Lwetse. Mo potsolotsong le BOPA, moeteledipele wa mokgatlho, Rre Samuel Letlhare yo o tlhamileng mokgatho oo morago ga go lemoga fa ngwao ya Bangwato e nyelela a re ba dira ka bojotlhe go netefatsa gore letsatsi leo e nna le le kgatlhisang. Rre Letlhare o supile fa bogosi jwa ga Mmangwato ba amogetse mogopolo wa gagwe ka tsoopedi, e bile mo bogompienong mokgatlho wa bone o kwadisitswe semmuso. Mokwaledi wa mokgatlho, Mme Dories Segolodi a re mokgatlho o na le kgolo ya maloko e bile ba ne ba fiwa sebaka sa go buisa dikgosana tsa Serowe mo bokopanog jwa bone jwa beke le beke go ba ruta ka maitlamo a mokgatlho. “Re setse re simolotse ka go apaya dijo go tsenya madi mo letloleng. Re dira se go bontsha magosana maitlamo a rona le go kgobokanyetsa letsatsi la ngwao madi,” ga tlhalosa Mme Segolodi. Mme Segolodi o tlhalositse fa e tlaa bo e le lantlha ba tshwara letsatsi la ngwao mme maikaelelo a bone e le go tshwara moletlo o ngwaga le ngwaga. Mongwe wa maloko a mokgatlho, Mme Leamogetswe Makgoeng a re e rile go lemogeng maikaelelo le maikemisetso a mokgatlho o, o ne a se ka a bonya go nna leloko ka a ikemiseditse go ithaopela mokgatlho gore a tle a rute Batswana ba bangwe ka ngwao ya bone ya Sengwato, kwa ntle le dituelo dipe. Mme Tshireletso Koee le ene o ne a re jaaka leloko, o ikaelela gore a tlhomamise gore mokgatlho o a atlega mo go lateleng ngwao ya Bangwato kwa e saleng e latlhega teng. A re ke sone se a tlhomamisang gore o dirisa nako ya gagwe le tsotlhe tse a nang natso mo go kgobokanyetsa letsatsi la ngwao ditsompelo gore le tle le kgone go nna teng. Kgosana Mme Thaiso Pulane wa kgotla ya goo Tshweu kwa Serowe yo a neng a rotloetsa mokgatlho ka go reka dijo tsa bone, o ne a supa fa ba na le maikaelelo ka ba ne ba apeile dijo tsa Setswana jaaka bogobe jwa legala, koko ya Setswana e bile di apeilwe Setswana go sa tsengwa dinkgisa monate tsa segompieno. BOKHUTLO
arts_culture_entertainment_and_media
0
Mabante ke boikarebelo jwa mong wa koloi
Constable Phenyoemang Baipidi wa sepodisi sa Selebi Phikwe a re go mo maruding a mong wa koloi go bona gore mabante a koloi ya gagwe a mo seemong se se itekanetseng. O ne a bua jalo kwa thuto seka-dipuisanong e e neng erulagantswe ke banana ba mokgatlho wa ipabalelo tseleng kwa mapalamelong a dikoloi tsa setshaba kwa Selebi Phikwe. Constable Baipidi o ne a tlhalosa gore mongwe le mongwe otshwanetse go tsaya karolo mo go babaleleng matshelo, a tlhalosa gore mopalamile ene o tshwanetse go tlhomamisa gore koloi e a e palamang e itekanetse e sengjalo ke ene a tlaa bong a lebanwe ke molato fa go fitlhelwa a tsene mo koloinge e senang lebante la ipabalelo. Constable Baipidi a re dipalo di supa fa melato ya go tlhokago dirisa lebante e golela pele fa go tshwantshanngwa le e mengwe. Otlhalositse gore ka ngwaga wa 2014, melato ya ‘go seka go dirisa lebante’ e ne ele makgolo a supa le lesome le bongwe fa mono ngwaga go simolola ka kgwedi yaHirikgong go ema ka kgwedi ya Phatwe e setse e le makgolo a mane le lesome lebongwe se se supa kgolo e e tsitsibanyang mmele. Constable Baipidi o boletse fa molao o dirilwe ka maikaeleloa gore o seka wa baa ope ka fa mosing, morago ga gore go nne le dingongoregotsa gore mme yo o itsholofetseng ga a tshwanela go dirisa lebante laitshireletso. Constable Baipidi o ne a gatelela gore molao o patika mongwele mongwe le bomme ba ba itsholofetseng go nna ba dirisa lebante go sireletsamatshelo a bone le masea a ba a solofetseng. O ne a tswelela a re bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase gabotlhano ba tshwanetse go rekelwa ditilo tsa mo koloing mme ba pegwe kwaditilong tse di kwa morago mme ba le ka fa tlase ga tlhokomelo ya mongwe yo mogolwanego tlhomamisa gore ba ntse sentle. Constable Baipidi a re lefatshe la Botswana le latlhegelwake madi a mantis ka lebaka la dikotsi tse di neng di ka femiwa. Kwa bofelong okgothaditse boradipalamo tsa setshaba go nna ba bua le bapalami go nna badirisalebante la itshireletso go babalela nako le matshelo. E ntse e le kwa thuto seka-dipuisanong eo, mma-bontle waipabalelo tseleng mme Valencia Mafokate yo e leng monana, o kgothaditse bananaka ene go tsaa boikarabelo ka go supafetse e le bone ba rekang dikoloi kadipalo tse di kwa godimo. Dithuto puisano tse di ne di kopanetswetse ke lephata la MVA, basepodise, ba ipabalelo tseleng ga mmogo le morafe.
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Phuduso ya barutabana e tsaa lebaka
Barutabana ba sekole se segolwane sa Tapologo kwa Werda mo kgaolong ya Kgalagadi ba ngongorega ka go berekela mo lefelong le le lengwe lobaka lo loleele. Ngongora e e ntshitswe ke motshwarelela mogokgo mo sekoleng seo Mme Mmapula Mokgadi mo postolotsong bosheng. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa barutabana mo sekoleng seo ba na le lebaka la dingwaga di robabongwe go ya kwa go tse di lesome ba ntse ba berekela teng. Mme Mokgadi a re se se ngomolang pelo gape ke gore fa ba fudusiwa ga ba isiwe kwa dikgaolong di sele ba tswelela ba bewa mo kgaolong ya Kgalagadi. A re se se felela se kgoba barutabana marapo mo ba felelang ba sa ntshe maduo a a kgatlhisang. Motshwaralela mogokgo o tlhalositse fa ba amogetse bana ba le 572 go simologa ka mophato wa ntlha go ema ka wa boraro, ba mo go bone bale 343 e le ba ba nnang mo sekoleng fa ba le 229 e le ba ba nnang mo motseng. O ne a kaya fa bana ba sekole seo e le ba ba tswang kwa Werda le metse e mabapi e bong; Hereford, Kokotsha, Makopong le Draaihoek. O ne a kaya fa maduo a sekole seo a ntse a itumedisa, mme ngogola ke gone ba itemogetseng kwelo tlase go tswa kwa go 74.4 per cent ka 2012 go wela kwa go 47.4 per cent ka 2013. Mme Mokgadi o kaile fa e re ntswa ba leka ka bojotlhe gore ka nako tsotlhe maduo a bone a bo e le a kgatlisang, se se utlwisang botlhoko ke batsadi ba ba senang kgatlhego mo dithutong tsa bana ba bone. O ne tswelela ka go kaya fa komiti ya batsadi le barutana e sa bereke sentle ka le tsone diphuthego ba sa di tsenelele e bile gape batsadi ba sa ikiteye ka thupana go tla go lekola ka fa bana ba ithutang ka teng. A re mangwe a maiteko a ba a dirang go tokafatsa maduo mo sekoleng seo ke go ya go buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng e bana ba tswang kwa go yone. A re gantsi ba a bo ba remeletse thata mo tokafatsong maduo, ba buisana le batsadi le bana ka dikgwetlho tse di ba tshwenyang le go tswa ka ditharabololo tsa tsone, a tlatsa ka gore seo ba se dira ka nako ya malatsi a boitapoloso. O ne a kopa batsadi go ema ka dinao go nna le seabe mo dithutong tsa bana ba bone ka seo se ka thusa thata go ba fa bokamoso jo bo eletsegang. Fa ama boitswaro jwa bana, o supile fa bo le botoka fa go tshwantshanngwa le jwa bana ba ba neng ba tsena mo sekoleng seo ngwaga oo fetileng. O ne gape a kaya fa bana ba lebaganwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya matlo a boroko mo sekoleng seo, a supa fa bontsi jwa bone ba nna ba kgotlagane. Mme Mokgadi o ne a tlatsa ka go supa fa maikaelelo le maikemisetso a bone ele barutabana e le go dira ka manontlhotlho, go tshwaragana le botlhe ba ba nang le seabe go ntsha maduo a a kgatlhisang.Ends
education
4
Go tlogela tiro go na le dikgwetlho
Mokhanselara wa Mahalapye Borwa, Mme Abigail Mogalakwe o rotloeditse bomme ba thapelo ba Lontone (UCCSA) ya Mahalapye gore ba seka ba nna le mowa wa boitlhobogo mo botshelong, fa ba sena go tlogela tiro. Mme Mogalakwe o buile jaana bosheng kwa moletlong wa dijo tsa motshegare o o neng o rulagantswe ke bomme ba thapelo ba kereke ya UCCSA, go kokoanyetsa kereke ya bone madi. Mo molaetseng wa gagwe wa kgothatso, ka setlhogo se se reng; Botshelo Morago ga go Tlogela Tiro, Mme Mogalakwe o rotloeditse bomme go itse fa go na le ditsela tse dintsi tsa go itshetsa, morago ga go tlogela tiro. Selo se se botlhokwa, a re ke gore ba tswe ka lenaneo le megopolo ba santse ba bereka, gore ba ikaelela go tswelela ba tshela botshelo jo bo siameng jang fa ba sena go tlogela tiro. O rotloeditse ba ba nang le keletso ya go bula dikgwebo gore ba eme ka dinao ba di kwadise, ba seka ba inyatsa ka gore ke bomme. “Fa o bereka, o seka wa kgoba kgetsi fela o ipolelela gore o sireletsegile ka o na le madi a o a amogelang kgwedi le kgwedi. Re tshwanetse ra itse fa motlha mongwe re tsile go tlogela ditiro tsa rona ka bogodi, kgotsa ka ditsela dipe tse di farologanyeng, mme re tshwanetse ra nna re ipaakanyeditse motlha oo,” ga bua Mme Mogalakwe. Ka jalo, Mokhanselara o gakolotse bomme gore ba seka ba inyatsa, mme ba itshimololele dikgwebo tse ba tlaa tsogang ba itshetsa ka tsone le ba malapa a bone. O gateletse gape gore mosepele mongwe le mongwe wa botshelo o na le dikgwetlho tsa one.A re le fa go ntse jalo ba seka ba latlhegelwa ke tshepo le tsholofelo. A re fa Modimo a santse a ba file thata le nonofo, ba e dirise. Gape le mananeo a puso a teng. Morago ga go tlogela tiro, ga go bonolo go tshela botshelo o sena se o ka itsetsepelang mo go sone mo maikaelelong a gago a botshelo,” ga tlatsa mokhanselara. Fa a akgwa mokhanselara dikgaba, leloko la bomme ba UCCSA, Mme Gaeyo Mothei, o ne a lebogela mafoko a kgothatso a re a mo tiisitse moko e bile o dumela gore o santse a ka itirela thata mo botshelong. O rotloeditse le bomme le basha gore ba ikemele ka dinao, ba itirele. Mme Nkemo Sekwati, mongwe wa maloko a komiti e e neng e rulaganyetsa moletlo, o tlhalositse gore ba ne ba bona go tshwanela e le bomme ba UCCSA go dira dijo tsa motshegare gore ba kokoanyetse kereke le komiti ya bone madi. Mme Sekati a re madi a a kokoantsweng a ya go thusa go rekela magolegwa le balwetse ba ba robaditsweng kwa kokelong dimpho, bana ba batlhoki paka ya sekole, bagodi ba phuthego dilo tse ba di tlhokang ga mmogo le go tsamaisa mokgatlho wa bomme. Mokhanselara Mogalakwe o ne a neela komiti ya bomme P500, go ba rotloetsa mo maikaelelong a bone a go tsosolosa letlole la bone le go kokoanyetsa kereke ya bone madi. Moletlo o, o ne o tsenwe gape ke bomme ba thapelo ba dikereke tse thataro tse di dirisanang le ya UCCSA e bong Roma, Anglican, Jorotane, Methodist, St. John le Spiritual.
religion_and_belief
8
Mzwinila o itumelela seemo sa ditlhabololo
Mopalamente wa Boteti Botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe a re ga a itumedisiwe ke maduo a a kwa tlase mo dikoleng tsa Letlhakane. Mopalamente o buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla mo Letlhakane bosheng, a tlhalosa gore o tsamaile le dikole tsotlhe tsa Letlhakane go sekaseka maduo mme a fitlhela a sa itumedise. Rre Lelatisitswe o kopile batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana, a tlatsa ka go re puso le yone e leka go baakanya seemo mo dikoleong. O boletse fa kwa sekoleng se segolwane sa Letlhakane go dirwa dipaakanyo tse di tseneletseng ka P56m fa se se botlana sa Mokani sone go agwa matlwana a borutelo le a roba bobedi a barutabana. Fa a ba rolela tse a tswang ka tsone kwa palamenteng, Rre Lelatisitswe o tlhalositse ka melao e le meraro e e fetisitsweng kwa palamenteng e akaretsa wa bogodu jwa leruo, a supa fa go gagamaditswe dikatlholo go nna dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano kana lesome le botlhano fa e le modiramolato wa ntlha. Mopalamente Lelatisitswe a re molao o mongwe ke wa go okediwa ga dingwaga tsa pereko tsa babereki ba dikgolegelo le wa go boela morago molao wa tiriso ya motshine wa ditlhopho, a tlholosa gore go ya go dirisiwa tsamaiso ya gale ya ditlhopho. Kgosi Baruntshi Kegapetswe wa Letlhakane o ne a bolelela mopalamente gore motse wa bone o godile, ka jalo o tlhoka ditlhabololo di tshwana le katoloso ya tsela le go tsenya ditsela tse di fa gare ga motse sekontere. Kgosi Kegapetswe a re ba tlhoka boremelelo jwa marekisetso, kokelo ga mmogo le kampa ya sepodisi. E rile a rolela mopalamente pego ya VDC, modulasitilo Mme Keene Keoarabile a re ga ba robadiwe ke seemo sa metsi a a sa kgoneng go anama le motse otlhe. Mme Keoarabile a re ba na le letlhoko la boroko jwa badirelapuso bogolo jang barutabana, a tlatsa ka go re ba tshwengwa ke seemo sa mosuke kwa sekoloeng se segolwane sa Letlhakane. A re ba kopa go okelediwa dipalo tsa babereki ba Ipelegeng, a tlatsa ka go re ba solofeditswe go agelwa kokelo le kampa ya sepodisi mme ga ba a tlhalosediwe gore dikgang tsa teng di tsamaya fa kae. Rre Odirile Tawana o supile fa makhanselara ba tshwanetse ba buisa diphuthego go isa mananeo a ditlhabololo kwa setshabeng. A re go sale go twe kompone ya Lucara e aga lebala la metshameko nako kgolo ke eno, lenaneo la kgopho ya metsi a a leswe, dipone tsa mekgwatha di eme. A re batho ba lebile Ipelegeng e le yone motswedi wa ditiro ka gore dikompone tse fiwang ditiro mo tikologong di itlela ka babereki. Rre Otsile Mmatlakgomo o ne a botsa gore kgang ya go ntshiwa motho a letela tsheko kwa ntle yone ba dirile jang ka jaana e le yone e dirang gore batho ba ipoeletse go dira melato. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Go botlhokwa go aba ka lorato
Mopalamente wa Gaborone Bonnington North, Rre Duma Boko o kopile Bakeresete go ithuta go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka lorato. A re go aba ka lorato go kgatlha Modimo go nale go dira motho a gabile go itsewe ka tsela nngwe mo setshabeng. Rre Boko, yo gape e leng moeteledipele wa kganetso kwa palamenteng, o buile mafoko a kwa kabong dimpho ya Bethlehem City Of Christ Church in Zion ka Matlhatso kwa ntlo kgolo ya kereke eo kwa Tonota. Bethlehem City Of Christ Church in Zion e ne e abela bangwe ba ba tlhokileng lesego ba le masome mararo dikobo le dijo. A re tumelo e e se nang ditiro e loleya e bile ga e na mosola. A re modumedi o tshwanetse go bonwa ka ditiro e seng go direla dilo gore a tle a tlotlomadiwe. Rre Boko o file sekai sa gore mo malatsing ano o ka fitlhela bangwe kgotsa dikompone di aba fela gore dipampiri tsa dikgang di kwale ka ga bone. A re dikompone tsa go nna jalo di a bo di dira di gabile dilo dingwe. A re mme se se botlhokwa ke gore batho ba dire ka tumelo le lorato e seng go ikgatlha ka letlhoko la ba bangwe. O bile a re bangwe baeteledipele ba abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka maikaelelo a go kopa tlhopho mo go bone. A re fa go nang le boModimo teng, batho ba fiwa ka lorato le tlotlo a ba a kopa kereke go aba ka e setse morago thuto ya Baebele. Rre Boko a re go aba dimpho ke selo sa nakwana, ka jalo go botlhokwa go thusa ba ba tlhokileng lesego ka thuto e e lekaneng go ba thusa go itshetsa botshelo jotlhe. Rre Boko o ne a eleletsa kereke le ba ba neng ba abelwa masego a ba a rotloetsa dikhwaere tsa kereke eo ka P1000. Fa a ntsha la gagwe, mookamedi mogolo wa kereke eo, Rre Daniel Moipolai o ne a re maikaelelo a kereke ke go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba ya go nna kutlwelobotlhoko e bile e kgathala. A re ke sone se ba boneng go tshwanela gore ba abele ba ba tlhokileng lesego. Rre Moipolai o ne a rotloetsa ba ba neng ba abelwa go dirisa mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone gore le bone ba kgone go thusa ba ba dikobo dikhutshwane mo isagong. O ne a leboga Mopalamente wa pele wa Tonota, Rre Pono Moatlhodi go bo a ba kgothaditse gore ba abe, a re ba tlaa phatlalatsa tiro e ya go abela batlhoki le dikgaolo tsotlhe tse kereke e mo go tsone. O ne a ba a solofetsa fa a tlaa aba podi kwa kgaolong e e tlaa latelang go abelwa.
religion_and_belief
8
Motlobo wa dibuka o aba dimpho
E rile bosheng ba motlobo wa dibuka kwa Bobonong ba rekela Mme Elizabeth Olefile dimpho tsa keresemose di akaretsa dijo le melora. Fa a bua kwa kabo dimphong eo, mogolwane wa motlobo wa dibuka mo Bobonong Mme Betty Mazebedi o supile fa ngwaga o e le wa bosupa ba ntse ba abela batho ba ba tlhokileng lesego dimpho. O tsweletse a supa fa go aba dimpho mo go ka rotloetsa mowa wa tomagano le popagano mo setshabeng. Mme Mazebedi a re dimpho tse ba di abetseng Mme Olefile di tla tlisa boitumelo le tshwaragano mo lelwapeng lwa gagwe a bo a tlhalosa fa go neela motho mpho mo botshelong go dira gore yo o abetsweng a ikutlwe a na le seriti. Mme Mazebedi a re le ntswa ba tsile go aba dimpho mo letlhakoreng le lengwe ba tsile go itsise baagi ba kgaolo ka ditirelo tse di fitlhelwang mo motlobong wa dibuka di akaretsa inthanete. A re ga se boammaaruri gore motlobo wa dibuka o diretswe bana ba dikole le batho ba ba rutegileng fela ka jalo a rotloetsa baagi ba kgaolo eo go dirisa motlobo wa dibuka go anya dikitso ka dilo dingwe tse ba eletsang go ithuta ka tsone. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya motlobo wa dibuka mo Bobonong, Rre Moffat Mothudi a re Modimo o itumelela go bona dipelo tsa batho di nna di itumetse. Rre Mothudi o tlhalositse fa go abela batho ba ba tlhokileng lesego dimpho go ba nonotsha mo moweng mme e e bile go itsa borukhutlhi. BOKHUTLO
society
9
Dikgosi di rotloediwa go bala
Moeteledipele wa lekgotla la ditsheko tsa Setswana Kgosi Christopher Masunga a re go botlhokwa gore dikgosi tsa lefatshe leno di inaakanye le go bala dibuka tsa molao pele ba ka atlhola ditsheko. Kgosi Masunga o buile kwa thuto puisanong e e neng e biditswe ke kgosi wa Chanoga ka Mosupologo (Lwetse a le lesome le bobedi), go ya go itshekatsheka le go tlhatlhelelwa ka tiro ya bone. O tsweletse a re go tlhoka go bala go ka ba dirisa diphoso tse dikgolo. O tsweletse a re go inaakanya le go bala go ka itsa tlhakatlhakano e gompieno e leng teng mo makgotleng a Setswana, a tlatsa ka gore kgosi ga a tshwanela go tsaya letlhakore mme o tshwanetse go itse gore ene ke motshereganyi. Kgosi Masunga o tlhalositse fa a buisiwa mafoko ao ke gore dikgosi ka bontsi di nna di botsa gore ke eng ba ditsheko tsa Setswana ba nna ba tsholola dikgang tsa bone, a re bone ba kgona go lemoga segolo jang fa kgosi a tsere letlhakore ka gore o tlaa fitlhela motho yo mongwe a boditswe dipotso tse pedi fa yo mongwe a boditswe di le masome a mabedi. O ba kopile go atlhola dikgang ba sa solofela go amogela sepe ka fa tlase ga tafole, a re ka dinako tse dingwe motho o kgona go gana go sekisiwa ke kgosi yo mongwe a bo a bolela fa a batla kgosi e sele a re tota ga go a tshwanela go nna jalo. Kgosi Masunga o bile a kopa ba bogosi go emisa go dirisa mafoko mangwe jaaka lefoko la mosekisiwa a re motho wa go nna jalo o a bo a ise a bonwe molato mme a re ga gona jaaka a ka bidiwa mosekisiwa fa e se mmelaelwa a re o ya go nna mosekisiwa fela a sena go bonwa molato. O bile a re dingwe tsa dikgolegelo di tletse phetelela mme a re ene o dumela fa di tlatswa ke dikatlholo tse di seng maleba tsa bangwe ba dikgosi mme e le ka go sa baleng molao, mme a ba kopa gore ka dinako tsotlhe fa ba sekaseka ditsheko ba sale morago ditsetlana tsa 12,13,15 le 21 tsa molao. A re ba atlhole ba ikaegile ka tsetlana ya molao motheo ya bo lesome ya go sala ngwao morago gore ba seka ba gataka ditshwanelo tsa yo ba mo lebisang molato ka gope, a tlatsa ka gore go botlhokwa thata go itse seikokotlelo sa tiro ya bone. Kgosi Masunga obile a re fela jaaka dikgosi, bakwaledi le bone bana le diphoso tse di supang fa ba dira tiro ya bone bale boitseme mo go yone le botlhoka kitso, a re mme gongwe bone ke bone ba dirileng phoso ka bantse ba dumela gore kgosi kana mokwaledi ba rutwa tiro ke kgosi e nngwe kana mokwaledi yo mongwe ba sa ba ise kwa dithutong tse di tseneletseng. E ne erile go le pele bangwe ba dikgosi ba batla go itse gore ke eng fa e re ba atlhotse batho e re morago ga malatsinyana ba ba bone ba tsamaya mo motseng ntswa lebaka le ba neng ba le ba atlholetse le sa goroga. Kgosi Masunga o ne a ba gakolola gore melato e mengwe ga se e e tlhokang gore ba romele batho kwa dikgolegelong mme ba ka neelwa dikatlholo tse dingwe tse di leng teng kwa ntle ga kgolegelo go fokotsa le one mosuke kwa pele. O bile a kgalela bangwe ba dikgosi go iphetisa dino le gone go sa theogeleng ka nako le go apara sentle, a re motho fa a tsena mo kgotleng o tshwanetse go bona gore kgosi ke ofe a re ga a reye gore ba kgabe mme ba lebege, a re ka dinako tse dingwe ke sone se ba reng bakwaledi ga ba ba tlotle. Kgosi Ebineng Potsoeng wa Tsau o ne a re ka dinako tse dingwe ba dirisiwa diphoso ke ba sepodisi segolo jang mo dikgannyeng tse ba di romelang kwa go bone a re gone foo ke gone fa e kareng motho a sa bala a iphitlhela a isitse motho kgolegelong ka molato o a sa o dirang. A tlhalosa fa ene kwa kgotleng ya gagwe a setse a na le dikgang tse dingwe tse a setseng a kile a di busetsa kwa go bone ba sepodisi ka a ne a lemogile fa di sa salwa morago sentle mme a tlatsa ka gore o ne a thusiwa ke gone go bala, a tlhalosa fa go le botlhokwa thata.
education
4
Billy o rotloetsa banana go tsena diphuthego tsa kgotla
Mopalamente wa Francistown Botlhaba, Rre Buti Billy a re go tlhoka go tsena diphuthego tsa kgotla ga banana go ba baya ka fa mosing ka jaana ba tlolwa ke melaetsa ya botlhokwa ya mananeo a a ka ba tswelang mosola. Fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng kwa Area S, Rre Billy o gateletse botlhokwa jwa gore banana ba dirise mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone. A re mananeo a a akaretsa letlole la tlhabololo dikgwebo tsa banana le la dikoporase. A re puso e simolodisitse mananeo a ka gore go nonotsha bananana go na le seabe mo kgolong ya itsholelo. Rre Billy a re banana ke bone ba ba di gogang kwa tlhogong mo kgodisong ya itsholelo, ka jalo fa ba sa tsee karolo go raya gore itsholelo ga e tokafale. O bile a lekodisa batsena phuthego ka lenaneo la ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi le le akaretsang go ntsha Botswana mo go ikaegeng ka meamuso go itsetsepela mo go tsa dikitso. Rre Billy a re se se raya gore batho jaanong ba tlaa nonotshiwa ka dikitso gore ba nne le seabe mo kgolong ya itsholelo, ka jalo se se tlhame mebereko. A re keletso ya ga tautona ke go bona banana ba ba nang le boikarabelo jwa go tsamaisa dikgwebo, segolo jang banana. Ke ka moo go nang le ditaelo di le mmalwanyana go tswa ofising ya ga Tautona tse di itebagantseng le thotloetso ya dikgwebo tsa banana. E re dikgang di eme jalo, ofisi ya banana ya kgaolo ya Francistown e kwadisitse dipalo tse di kwa godimo tsa go tlhoka go ya tirong ga banana ba Tirelo Setshaba. Mogokaganyi wa ditirelo tsa banana mo kgaolong Mme Minkie Bokole o boleletse phuthego a re se ga se ba jese diwelang le ba lephata la tlhabololo banana, metshameko le ngwao. A re banana ka bontsi ba ba direlang mo kgaolong ya gagwe ga ba dire go ya ka tumalano. Mme Bokole a re banana ka bontsi ba tla fela go tsaya mokwalo o o rurifatsang fa ba dira gore ba kgone go bona dikatso mme e re morago ba tsene ka lenga la seloko go fithelela ba iponagatsa gape kwa ba direlang teng kgwedi e e latelang. Le fa go ntse jalo, a re go sa tleng sentle tirong ga bone go dirwa ke mabaka a le mmalwa a a amang itsholelo ya bone ka bangwe ba nna kgakala. A re kgaolo ya Francistown e filwe seelo sa 760, fa ba ba letileng go bidiwa ba le 1 700, a tlatsa ka go re ba setse ba tsere banana ba le 652. O tladitse ka go re banana ka bontsi ba ba amuleng sengwe mo mananeong a puso ga ba duele madi a kadimo. Mme Bokole o tlhalositse fa banana ba ipetola mme a re se se dirwa ke gore batsadi ka bontsi ga ba godise bana sentle. O ngongoregetse gore banana ga ba na kgatlhego mo go ikopeleng diphatlha kwa sekoleng sa Francistown sa ithutelo ditiro tsa diatla. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Ba Kweneng le Boatlaname ba amogela dipolase
Banni ba metse ya Kweneng le Boatlaname mo kgaolong ya Kweneng ba amogetse pego ya go segwa ga dipolase tsa kgwebo tse di tlaa simolang go bewa kwa dikgaolong tseo ka Phatwe. Banni ba mafelo ao ba amogetse pego e e neng e rolwa ke modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Kweneng, Rre Moemedi Babitseng mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng eo. Rre Moemedi Babitseng o tlhalositse ka thulaganyo ya go segwa ga dipolase tse di masome mabedi le borobabobedi, tsa diekere tse di lekgolo go ya go makgolo a matlhano ka tshwaragano le lephata la tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo. Thulaganyo e e ya go dirwa mo dikgaolong tsa Kweneng le Boatlaname. A re thulaganyo eo, ke e maikaelelo magolo a yone e leng go tokafatsa le go tlhabolola seemo sa go ntshiwa ga dijo, gore Botswana a kgone go ikemela le mo dipakeng tsa komelelo. Rre Babitseng o ne a tlhalosa gape ka lefatshe la bophara jwa di ekere tse di makgolo a ferang bobedi tse di tlaa seegelwang thoko go diirisiwa ya morafe wa dikgaolo tseo, fa balemi ba dipolase bone ba tlaa bo ba le mo kgwebong. A re kgaolo ya Kweneng ke nngwe ya tse di tlhophilweng go itebagantswe le go thusa go ntsha thobo e e kwa godimo ya lesika la mabele le dinawa go ka itshetlela mo mabakeng a seemo se se sa iketlang sa loapi. “Fa lefatshe le ntse le tlhabologa, le kgaoganngwa ka tiriso, dikgaolo tsa Bophirima di tlaa tlhophelwa go itebaganya le thuo, fa tsa botlhaba di akaretsa Kweneng, e tlaa nna tse di itebaganyang le temo go tokafatsa seemo sa dijo tse lefatshe leno le ka di itirelang go oketsa thobo ya Mosisidi le Pandamatenga, tse di tlwaelesegileng ka serodumo sa temo,” ga bua Rre Babitseng. Banni ba ne ba atla thulaganyo eo ka go supa fa ba lebogela gore e tlaa thusa go ba atameletsa ditlamelo tse di tlaa thusang gape go ba bulela diphatlha tsa mebereko. Ba ne ba supa fa ba na le tsholofelo ya gore itsholelo ya kgaolo ya bone e tlaa tokafala ka jaana go tlaa thusa gape go godisa lorato lwa bone lwa go inaakanya le temo. E re le ntswa batho ba Kweneng le Boatlaname ba ne ba lebogela lenaneo leo, banni bangwe ba ne ba supa fa ba le ’bete se molangwana ka keletso ya gore go kabo go seegetswe e le nngwe fa thoko go rotloetsa morafe go e dirisa mo thuong ya dihutshane. “A thulaganyo e e nne e e ka fang banana sebaka sa go itepa lesego ka go dira gore phadisanyo e nne mo go rona ba metse e e yang go amega mo thulaganyong ya go segwa ga dipolase pele ga e atolosediwa kwa go botlhe,” ga ikopela Mme Seanokeng Ntsoke. E rile a tsibogela matshwaenyego a morafe, Rre Babitseng a re lekgotla la kabo ditsha le mo thomong e e setseng molao morago, ntlha e e tlaa padisang go fetola ditshwetso tsa ka fa thulaganyo e ntseng ka teng go sala morago dikeletso tsa morafe. O rotloeditse botlhe ba ba nang le keletso ya go rua go nna malala a laotswe ka jaana go segilwe dipolase tsa mohuta oo gape kwa Motokwe le Khekhenye tse tsone di tlaa bong di itebagantse le kgwebo ya leruo. “Ke rotloetsa gore ba ba nang le tshusumetso mo nngweng ya dithulaganyo tseo ba seka ba ipona tsapa, mme ba tsenye letsogo go ya ka bokgoni jwa bone le go ipopa ditlhopha. O tlhlositse fa ikopelo e tla bulelwa ka Phukwi mme go bewe ka Phatwe.Ends
economy_business_and_finance
3
Bakwadisi ba gakololwa go itshwara sentle
Banana ba ba tlaa kwadisang ditlhopho ba kgothaditswe go itshwara sentle le gone go sala melawana ya ikwadisetso ditlhopho morago. E rile mogolwane yo o okametseng ofisi ya ditlhopho kwa Okavango le Ngami, Rre Obabaletse Gaotsenelelwe a ba tlhatlhelela, a tlhalosa gore go botlhokwa go thusa setshaba ka maitseo. O boletse gore fela jaaka ba thapilwe go thusa go kwadisa ditlhopho, tiro eo ke e e nang le boikarabelo jo bontsi thata. Rre Gaotsenelelwe o tlhalositse gore le gone go theogela ka nako go botlhokwa ka ba tlaa bo ba kopana le batho ba ba farologanyeng. O kgalemile ope yo o ka lekang go supa sepolotiki a re ga se ka fa molaong, mme ba tshwanetse go itse fa ba bereka e le bakwadisi ba ditlhopho e seng ba phathi epe. Mo go tse dingwe, Rre Gaotsenelelwe o ba gakolotse gore go botlhokwa go ela tlhoko gore go ikwadisediwa fela mo lefelong le le lengwe, mme a ba bolelela gore ga go letlelelwe gore motho kana lepolotiki le leke go ba biletsa fa thoko go leka go ba gogela le fa e le kwa merakeng go ya go kwadisa batho. O boletse gape gore mo sebakeng se ba tshwanetse go ithuta go bereka le batho. Bakwadisi ba ditlhopho ba ba lekgolo le go feta, ba ne ba tlhatlhelelwa ka go kwadisa batlhophi, le go bontshiwa didirisiwa tsotlhe tse ba tlaa bong ba di dirisa. Baithuti ba ne ba nna le sebaka sa go botsa dipotso go tlhaloganya gore ba tle ba kgone go kwadisa ditlhopho sentle. Mongwe wa baithuti, Rre Atamelang Boranabi o ne a tlhalosa mo potsolotsong gore dithuto tse di mo rutile gore fa motho a tla go ikwadisa o tshwanetse a botsolodiwa pele ga go mo kwadisa le go bona gore o tshotse tse di tlhokegang. O tlhalositse gape gore o ithutile gore o tshwanetse go nna botho, le go tshwara sephiri gape le gone go tsaya mongwe le mongwe ka tekatekanyo. Ikwadiso ditlhopho e tlaa simolola kgwedi ya Phalane e tlhola malatsi a le mane e wela e le masome a mabedi le bosupa. Bokhutlo
politics
7
Puso e emetse Batswana ka dinao
Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, o tlhomamiseditse banni ba Otse fa puso e eme ka dinao go lwantsha lehuma. Mopalamente o buile se fa a busia phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng. Rre Makgalemele o ne a kopa lephata la boipelego go ema ka dinao go sekaseka diemo tsa Batswana le go ba fa thuso e e lebaneng. A re go le gantsi Batswana ba ngongorega ka badiri ba boipelego ba ba maoto a tshupa go dira tiro. A re phuthego ya palamente e e sa tswang go feta, e fetisitsemolao wa gore tsamaiso ya matlhabelo a BMC e fetisediwe kwa Batswaneng. Rre Makgalemele o kopile barui ba Otse go lemoga fa se e tlaa bo e le sebaka sa go nna karolo ya botsamaisi jwa matlhabelo ka go reka diabe mo khamphaneng eo. A re puso e leka ka bojotlhe go tlhofofatsa dilo gore Batswana ba kgone go nolofalelwa ke maano a go itshetsa. Rre Makgalemele o buile gape ka molao wa go kwadisa dikhamphani mo go tsa maranyane a CIPA a re go tlhofofaditse ga bo ga bolokela ba le bantsi madi a go latela thuso kwa di ofising. A re go na le dikgwebo tse di potlana tse di sa tlhokeng diteseletso ebile dingwe tsa dikgwebo di letlelelwa di ka direlwa mo malwapeng. O kopile banana kwa Otse gore le fa ba le kgakala le ditlamelo, ba seka ba ipona tsapa, mme ba akole mananeo a puso e a diretseng banana. Rre Makgalemele a re puso e tlaa tswelela e tlhofofatsa mananeo gore banana ba a akole. Monana wa motse, Rre Kelediretse Rauma, o tlhaloseditse mopalamente gore go tlhoka diofisi tsa banana kwa motseng oo, go ba baya ka fa mosing fa go tla nako ya go tsaya mananeo ka go tlhoka madi go latela diofisi. Mmaboipelego mogolo wa dithabololo, Mme Wame Papo, o ne a rurifatsa kgang ya gore baithuti bangwe ba ntshitswe kwa hosteleng . “Fa re ne re bua ka gore bana ba fokotsege mo hosteleng re tsamaisiwa ke melawana e e reng, ngwana o tshwanetse go nna le batsadi ba gagwe. Mo lenaneong la batlhoki fa go seka sekwa ngwana go sekasekwa gape le batsadi ba gagwe mme ba thusiwe mmogo go lebilwe letlhoko la bone,” Mme Papo a tlhalosa. A re batsadi ba ba ikgatholosang le go sa thokomeleng bana ba ka tseelwa dikgato tsa semolao.
politics
7
Seabe sa batsadi se botlhokwa
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Motokwe Mme Seikgopi Mphotlwe a re o tshwentswe ke tlhaelo ya kemonokeng ya batsadi mo thutong ya bana. E rile a bua mo potsolosong bosheng, Mme Mphotlwe one a tlhalosa fa go tlhoka kemonokeng le go tshwaraganela thuto ya bana go na le seabe mo go weleng tlase ga maduo a bana, mme a re go ngomola pelo go bo batsadi ba le maoto a tshupa mo thutong ya bana le ntswa e le yone e e ka tsogang e ba boloka. A re go na le batsadi ba ba rontshang bana tshwanelo ya thuto ka go ba ntsha mo sekoleng ba ya go nna le bone kwa merakeng. A re matswenyego a mangwe a ba nang nao mo sekoleng seo ke a palo e e kwa tlase ya barutabana, a re se se dira gore ba felele ba kopanya bana mo matlwaneng a borutelo gore ba rutwe ke morutabana a le mongwe. O ne a tswelela a supa fa bana ba na le bokgoni mme ba tlhoka thotloetso go tswa mo botsading, a bolela fa sekole sa gagwe se okeditse maduo a lekwalo la bosupa ka palo ya masome a mabedi mo lekgolong go tswa mo maduong a ngogola a re ba itlama go tshwara ka natla gore maduo a a seka a wela ko tlase. E rile a latlhela la gagwe, Mme Ontlametse Lephirimile yo e leng morutabana wa bana ba lekwalo la ntlha a supa fa go le botlhokwa gore batsadi ba kwadise bana ba bone ka dipalo tse di nametsang gore ba ba bule ditlhaloganyo gore e re ba ya go dira lokwalo lwa ntlha ba bo ba setse ba kgona go bala le gone go kwala. A re thuto ya bana ba bannye e botlhokwa fela thata ka e ruta ngwana pharologanyo ya sekole le kwa lwapeng gore ba seka ba tshaba sekole fa ba setse ba alogile. O ne a tswelela a supa fa a tshwenngwa ke batsadi ba ba sa thuseng bana tiro ya bone ko lwapeng ka ba felela ba ketefalelwa ke go itse gore a ngwana o tlhaloganya se a se rutiwang kgotsa jang. BOPA
education
4
Paakanyetso boipuso jwa 2016 e tsweletse
Mme Charity Kgotlafela yo o okametseng lekalana la Bot 50, le le itebagantseng le go ipaakanyetsa ipelelo boipuso ya dingwaga tse di masome a matlhano (50) ka ngwaga wa 2016, o tlhalositse fa dithulaganyo di tsweletse go baakanyetsa ipelelo letsatsi leo. Mme Kgotlafela o roletse dikgosi ka fa dipaakanyo di tsamayang ka teng, kwa phuthegong ya bobedi mo go tse tharo ya Ntlo ya Dikgosi e e neng e tshwaretswe mo Gaborone. O tlhalositse fa mo bogompienong ba tsweletse le dipaakanyo tsa boipuso jwa monongwaga, tse ka tsone di tlhagolelang tsela ya gore boipuso jwa ngwaga wa 2016 e nne phitlhelela. A re tsholofelo ke gore boipuso jwa monongwaga le fa bo ka se tshwane le jwa ngwaga o o tlang, go supagale ka diphetogo dingwe gore ke ipaakanyetso moletlo mogolo wa ngwaga wa 2016. O tsweletse ka go tlhalosa gore ditiragalo tse di neng di dirwa ka ipelelo boipuso ya dingwaga tse di fetileng, di tlaa tswelela ka go dirwa mme go tlalediwe ka diphetogo tse disha mo godimo. Mme Kgotlafela a re go tserwe tshwetso ya gore ditiragalo tsa letsatsi leo di diragale lefatshe lotlhe ka bophara e seng gore go itebagangwe le mafelo a le mangwe fela. “Go seka ga nna le meletlo e go tweng ke ya ditoropo le e go tweng ke ya kwa magaeng, re batla gore meletlo yotlhe e e dirwang e dirwe lefatshe ka bophara,” a tlhalosa. O ne a tlholosa fa dingwe tsa diphetogo tse di tlaa dirwang di tlaa akaretsa gore ditumelo tsotlhe mo lefatsheng leno e nne karolo mo ipelelong letsatsi leo, e le nngwe tsela ya go supa letshego la gore setshaba se a kgathala ka batho ba bangwe. A re sengwe gape se se tlaa tswakanyang boipuso, e le nngwe ya diphetogo e tlaa nna Electronic Music Festival o o itebagantseng le bana, e le tsela ya go leka go oka banana go nna le karolo mo go ipeleleng boipuso le go itse sekao sa jone. Mme Kgotlafela a re ba dirile thulaganyo ya gore go nne le molelo wa kgolagano o o tlaa dikologang lefatshe leno ka bophara. A re molelo o tlaa emelela mo Gaborone, kgwedi ya Lwetse e tlhola gangwe mme o dikologe lefatshe lotlhe sebaka sa ngwaga. O tlhalositse fa sekao sa molelo oo e le lesedi le le tsereng tshaba ya Botswana kwa e tswang teng, mme le ntse le gogela setshaba ko se tshwanetseng go ya teng. O kaile fa lebone leo le tshubilwe lantlha ka ngwaga wa 2004 mme le mo bogompienong ga molelo o, o ise o time, a supa ka mananeo otlhe a maikaelelo a one e leng go tokafatsa matshelo a motho. Mme Kgotlafela o kopile dikgosi gore ba dire dithulaganyo tse di tlaa natetshang letsatsi ka nako ya fa ba amogela molelo wa kgolagano mo dikgaolong tsa bone. BOKHUTLO
politics
7
Bojalwa le motsoko di diphatsa
Mogwebi yo motona wa bojalwa jwa Setswana, Mme Kago Masake kwa Maun, a re o tlogela kgwebo ya bojalwa le motsoko. Mme Masake, yo o tlwaelesegileng ka leina la Mmambakata, o simolotse kgwebo ka 2007, e le kgwebo e a e tsereng e le boswa go tswa mo batsading ba gagwe. O kaile jalo mo modirong wa ipelelo letsatsi la botsogo jo bo eletsegang la borwa jwa Afrika, o o neng o rulagantswe ke bana ba sekole sa ithutelo tiro ya booki sa Francistown Institute of Health Science kwa Maun bosheng. O supile fa a ithutile go le go ntsi mo letsatsing leo, a kaya fa botsogo jwa ba le bantsi bo le mo diphatseng ka lebaka la bojalwa le motsoko wa gagwe. ‘’Ke batla go tlogela kgwebo ya bojalwa le motsoko ka gore ke lemogile gompieno gore ke tsentse batho ba le bantsi mo diphatseng,’’ a tlhalosa. O ne a supa fa a utlwa botlhoko ka lebaka la gore ene le ba lelwapa la gagwe ba sa je se ba se rekisang, ka jalo ba bolaya ba bangwe, selo se a supileng se mo rotloetsa go tswa mo kgwebo eo. Mme Masake o supile fa ka 2010 a ne a iteka lesego la go ikwadisetsa lenaneo la nyeletso lehuma gore le mo thusa go dira kgwebo e sele, mme ka maswabi a seka a atlega. A re o lekile mananeo a Gender Affairs, mme le teng a seka a atlega ka lebaka la gore kgwebo e a neng a e eleditse go ka e dira e ne e tlhoka gore a bo a na le batho ba le bararo gore ba kgone go fiwa madi a a lekaneng. ‘’Ke eletsa go boela kwa go bone ba Gender Affairs monongwaga go ya go iteka gape. Ke eletsa le gone go ka rua dipodi kana dikoko tsa mae le nama ka gore nna ke mosadi wa kgwebo,” a tswelela. Mme Masake o supile gape fa a eletsa go ikopanya le bommasepoto ba bangwe mo motseng gore ba kgone go tsena maneneo a Gender Affairs a a tlhokang palo ya batho ba ba fetang bobedi. “Fa bommasepoto botlhe ba ka kgona go bona mananeo a Gender Affairs le a nyeletso lehuma, go ka thusa mo go lwantsheng seemo sa malwetse a a bakwang ke bojalwa le metsoko e gantsi re e rekisang mo malwapeng,’’ a akgela. Mme Masake, yo o direlang kgwebo ya gagwe mo lwapeng kwa Botshabelo, o supile fa bontsi jwa borre, banana le bomme ba etela madirelo a gagwe ka bontsi, selo se a supileng se mo rotloeditse go tswelela mo kgwebo eo. Le fa go ntse jalo, o galaleditse lephatla la botsogo le bana ba sekole sa IHS go bo ba mo laleditse mo modirong wa bone. “Bana ba sekole sa IHS ba ne ba tsena kwa lwapeng la me beke e e fetileng ba le mo lenaneong la bone la go sekaseka botsogo jwa rona re le banni ba Maun, selo se se nthotloeditseng go tla modirong wa bone,’’ ga bua Mme Masake. O supile fa a tlaa tswelela ka go ikopanya le ba botsogo go ithuta go le gontsi ka malwetse a a sa tshelanweng le gore o ka ruta jang bommasepoto ba bangwe gore ba kgone go felela ba tlogetse dikgwebo tsa bone.
education
4
Bogodu jwa leruo bo ile magoletsa kwa Kgalagadi
Motshwarelela rapodisi a Tsabong Assistant Superintendent Keagatswe Lorato a re mapodisi ga ba jesiwe diwelang ke bogodu jwa leruo bogolo jang jwa dihutshane jo bo ileng magoletsa mo kgaolong ya Kgalagadi borwa. Mo potsolosong le ba lekalana la dikgang la BOPA ka Labotlhano, Ast Supt Lorato o tlhalositse fa mapodisi a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone,go fitlhetsweng banna bangwe ba le babedi ka dinamane tse tharo tse go belaelesegang e le tsa bogodu. Assistant Superintendent Lorato o boletse fa morago ga go longwa tsebe ke mongwe, ba ne ba ragogela ko lefelong leo, mme ba fitlhela marole mo lesakeng la babelaelwa bao kwa morakeng mongwe gaufi le motse wa Tsabong. O boletse fa mapodisi ba fitlhetse matshwao le ditshipi tsa babelaelwa bao, ba ba dingwaga tse di leng masome a marataro mo maroleng ao, a a kaileng fa a farologana le bommatsone morago ga go lemogwa ke beng ba tsone. Assistant Superintendent Lorato o kaile fa babelaelwa bao ba sa ntse ba thusa mapodisi mo ditlhotlhomisong mabapi le tiragalo eo, mme e tla re mo bogaufing ba isiwe fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata. Mme fa ba ka bonwa molato ba tla a tlholelwa dingwaga tse tlhano mo kgolegelong kana go feta foo. Rre Lorato o tlhomamisitse fa bogodu jwa leruo bo gaketse thata mo kgaolong ya gagwe, ka mo ngwageng ono go simolola ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha e e fitileng ba setse ba gatisitse dikgetsi tse di masome a mabedi le bongwe, tse bontsi jwa tsone e leng dihutshane. Assistant Superintendent Lorato a re e re ntswa puso e leka ka bojotlhe go tlhabolola matshelo a Batswana ka mananeo a farologanyeng, magodu one a dira maretshwa otlhe go amoga batho ditsa bone. O boletse fa mapodisi ba tla a tswelela ka go buisa diphuthego tsa kgotla mo merakeng, go tshwara dithuto seka dipuisano mo metseng ee farologanyeng mo kgaolong eo e le maiteko a go leka go fenya bogodu. O kaile fa maikaelelo e le go leka go gakolola barui, go ba ruta go tlhokomela leruo la bone ka go le tlhola kgapetsakgapetsa, go le tshuba, go le tshwaya le sa le lennye, ka seo se ka thusa thata mo go fediseng bogodu jwa leruo.BOPA
crime_law_and_justice
1
Tshekatsheko ya nyeletso lehuma ga e lebe matlo
Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse o latotse gotlhelele mabarebare a a reng tshekatsheko ya nyeletso lehuma e leba gore baikopedi ba na le matlo a sebopego se fe gore ba atlege mo lenaneong leo. Mopalamente Seretse, yo e bileng e le tona wa lephata la peeletso, papadi le madirelo, o buile jaana ka Labobedi fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Mahetlwe. Rre Seretse o rurifaditse kgang e morago ga gore monni mongwe wa Mahetlwe e bong Rre Babedi Keabilwe a ngongoregele gore ga a kgotsofalele ka fa bommaboipelego ba dirang ditshekatsheko tsa lenaneo la nyeletso lehuma ka teng. A re dipotso tse di bodiwang le go lebelela sebopego sa matlo a a agilweng di tsile go paledisa bana ba bone go annywa meamuso ya puso e tshwana le lenananeo la nyeletso lehuma. Rre Keabilwe are bana ba felela ba retelelwa ke go tsaya mananeo ao ka lebaka la gore batsadi ba bone ba agile bonno jo bo rileng ntswa matlo ao e se a bana ba ba ikopelang mananeo mme e bile bone batsadi ba ba agileng bonno joo, le go bereka fa gongwe ba sa tlhole ba bereka. Ka jalo a gatelela gore golo moo fela ka bo gone go beile bana ba bone ka fa mosing mme ebile ba tla palelwa ke go itshetsa. Fa a tswa la gagwe mmaboipelego wa kgaolo ya Lentsweletau Mme Desiree Thobega are fa ba dira ditshekatsheko tsa bone ga ba lebelele matlo mme ba a bo ba batla go bona gore a botlhoki bo teng ka boammaruri. O bile gape a gatelela gore botlhoki bo supiwa ke dilo tse dintsi di tshwana dikago le tse dingwe. Mo go tse dingwe banni ba Mahetlwe bare ba lela ka tsela ya Lentsweletau-Kweneng, bare ba batla e tshelwa sekonotere. Rre Kelekamang Keobatile mongwe wa banni are ga a itumelele ka fa madi a dikgaolo a kgaogantsweng ka teng. A re banni ba motse ba ne ba kopile go direlwa megotlha e mebedi le letamo. Ka jalo o kopile mopalamente gore dikeletso tsa morafe di nne di tsibogelwa. Mopalamente Seretse o tsweletse ka go buisa diphuthego mo kgaolong ya gagwe a lekodisa banni ba metse ka go farologana ka dikgang tse di tswang palamenteng le gone go tsaya megopolo mo go bone go ya palamenteng e e latelang. BOPA
politics
7
Tseo konokono
Tona wa thuto e kgolwane, dipatlisiso, boranyane le boitseanape, Rre Alfred Madigele a re go aga tshaba e e nang le maikarabelo e bile e utlwana go simologa kwa lwapeng. Dr Madigele yo gape e leng Mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang, o tlhalositse jaana bosheng kwa Lorolwane fa a kgothatsa banyalani ba ba neng ba nyalana ka lenaneo la Re a Nyalana. Dr Madigele o a re lenyalo le, ga se la dipampiri fela, le le dirilweng mo dinaong tsa Modimo fela jaaka le Baebele e tlhalosa gore bobedi bo tlaa kopana e nna motho a le mongwe. O ne a tlhalosa gore e le bogogi ba dumela fa go tlhabolola tlhaloganyo ya motho go ka ba isa golo gongwe. Le fa go ntse jalo, molomaganyi wa lenaneo la Re a Nyalana kwa Mochudi, Mme Annah Morwaagole a re tiro ya bone ke go ruta Batswana, go ba fa bogakolodi jwa gore lenyalo ke eng. A re ba itebagantse gape le go ruta go tlhokomela bana ba ba fitlhelwang ke lenyalo le go ikatumetsa ngwana o mo tsaya ka molao, o mo tlhokomela jaaka wa gago. Mme Morwaagole a re ba dirile jaana ba sena go lemoga gore molaodi fa a nyadisa ga a na nako ya gore o ka bodiwa dipotso le mmakaseterata o tiro ntsi. Mme Morwaagole o rotloeditse ba ba neng ba le koo go akola mananeo a puso ka gore ke a mongwe le mongwe. A re le setlankana sa lenyalo se supa fa ngwana yo o dingwaga tse di masome mabedi le bongwe a lekane go nyalwa, fa yo o dingwaga tse di lesome le boferabobedi a ka supelwa ke batsadi. Mmakaseterata yo mogolwane wa Kanye, Rre Bame Ngaka fa a tlhalosa ka ditshetlana tsa botlhokwa. A re fa motho a tsena mo lenyalong la tlhakanelo dithoto o tshwanetse a itse gore go dira jalo bobedi bo tsena mo seemong se se tshwanang go sa kgathalesege gore mang o dira eng mo botshelong. O tlhalositse gore se, se ka thusa gore bobedi bo kgone go akantshanya bo thusana ka megopolo go gaisa fa yo mongwe a akanya a bo a tsaya ditshwetso ka bonosi. Rre Ngaka a re o lemogile gore le fa batho ba ka tswa ba utlwana mo lenyalong, mme fela dithotho di botlhokwa ka gore fa yo mongwe a sa di dirise sentle o kgona go felela a bolaya kutlwano e e mo gare ga bone. Rre Ngaka a re o lemogile gore dikgwetlho tse di tsisiwang ke dithotho di dirwa ke go tlhoka tirisano mmogo. Fa a ama dikgang tsa bana, a re fa o na le ngwana kwa ntle ga lenyalo o kgona go mo kwala mo pampiring ya gago e o kgaoganyang boswa jwa gago o santse o tshela mo go yone (Will) gore a nne le sebaka sa go fiwa boswa fa motsadi a tlhokafala. O tlhalositse gore mme fa motsadi a sa dire jalo, ngwana yo, o a go ronwa ke ditshwanelo tsa gagwe ka gore boswa jwa motsadi wa gagwe bo ya go ajwa ka fa tsamaisong ya Setswana a sa akarediwe. Le fa go ntse jalo, o tlhalositse gore borai jwa go kgaoganya boswa o tshela ka one mokwalo ke gore fa o bontsha ene yo o mo kwadileng o kgona go go sutisa mo botshelong fa a bona go diega gore a kgone a akole boswa. Rre Ngaka o tlhaloseditse banyalani gore go na le molao o o letlang gore fa motho kana bobedi bo sena ngwana bo ka tsaya ngwana go sa kgathalesege gore wa letso le fe mme ba mo ikgodisetsa jaaka wa gagwe. Le fa go ntse jalo, Rre Ngaka a re pele ga motho a tsaya ngwana ba ga molaodi ba kanoka seemo sa gagwe gammogo le kwa lapeng gore a mme go tlaa siamela ngwana. A re mo Setswaneng fa o fitlhela bana ba godile go na le thulaganyo ya gore o ka ba ikatumetsa ka thulaganyo ya go nyala bana. O tlhalositse gore fa ba batla thuso ka ditsamaiso tse ba ka ikopanya le ofisi ya ga molaodi, Legal-Aid, mmakaseterata, le ofisi ya kwadiso kwa kgotleng kgolo ya ditsheko, mme motho a tla ka Omang fela ka ga go na tuelo e a e lopiwang. Kwa bokhutlong mokhanselara wa Lorolwane, Mme Binkie Moalosi o lebogetse botsadi jo bo neng jwa tla go fa banyalani thutho le dikgakololo mo kgolaganong ya bone. BOKHUTLO
society
9
‘Tlhoafalelang mananeo’
Batswana ba gakolotswe go inaakanya le mananeo a puso a nyeletso lehuma ka a ka ba thusa go inoga mo lehumeng la nta e tshetlha. Go gakolotse jalo Rre Gaditshwane Kgantele wa Chanoga yo o akotseng lenaneo la go suga matlalo mo potsolotsong le ba BOPA. A re bangwe ba ba kwa dikgaolong tse di kgakala le ditlamelo ba tshaba go tsena mo diofising ba botsa ka mananeo, mme se se dire gore ba babalelwe ke botshelo. “Goromente o thapolotse letsogo, botlhoki o tsalwa le jone mme o ka inamola mo go jone ka go dirisa mananeo a a farologanyeng a ga goromente,” a tlhalosa. O buile mafoko a morago ga go bona fa lenaneo le a le tsereng ka 2016 le fetola botshelo jwa gagwe, e bile le lelwapa a kgona go le tlamela. A re e rile fela go utlwa go kuiwa mokgosi mo kgotleng a latlha ditiro tse a neng a di dira mo lwapeng a tla go itseela ka tsoo-pedi, mme morago a tsenya kopo ya gagwe e e neng ya arajwa mo nakong e khutshwane. Ngogola go ne ga tla matlalo le mabante. Rre yo o tlhalosa fa didirisiwa tsa gagwe di ne di sa tla di le mmogo, mme ka go tlhaloganya fa goromente a tshwere phage ka mangana le go tokafatsa matshelo a batho, a seka a ipona tsapa. A simolola ka tse a neng a na le tsone a dira mabante. A re mabante a, a ne a rekwa jaaka o kare Batswana ba ne ba ntse ba a letetse. Ka se a gakolola ba ba tsereng mananeo gore fa ba filwe se ba se filweng ba seka ba ema fela ba itshopara, ba simolole kgwebo gore ba kgone go tokafatsa matshelo a bone. Rre Kgantele a re fa a ntse a tsweletse ditshipi tsa mabante di ne tsa fela, mme ka a ikiteile sehuba go tsweledisa kgwebo a ya go reka tse dingwe. O supa fa batho ba rata mabante a gagwe ka a sa diege fa a sena go dirwa, a re bangwe ba a mo leletsa ba a batla. Mabante a ga Rre Kgantele a mefuta mebedi; le lesesane le le lekima. A re le lesesane la bophara jwa 30mm le rekiwa P150 fa la bophara jwa 40mm e le P170. A re o tlhophile kgwebo e ya go dira dilwana tsa matlalo ka a ne a itemogela fa dikgwebo tse dingwe di le dintsi. E re ntswa rre yo a lomile wa tlase, kgwebo e, e na le dikgwetlho tsa yone jaaka go tlhoka didirisiwa mo mabentleleng. A re ditshipi tsa mabante ga di bonale motlhofo. Se sengwe ke matlalo a a dirang ditlhako, mme se se dira gore a felele fela mo go rekiseng mabante ka a sa tlhoke letlalo le lentsi. Go tlhalosa ka fa a farologanang le bagwebi ba bangwe ka teng, a re o kopanya kitso e a e tsereng kwa sekoleng sa Nxaraga le ya go penta dikago go dira mabante a boleng jo bo kwa godimo. Go bona fa a ne a sa fiwa metswako e e takang mabante, a tswa ka mogopolo wa go dirisa pente e e gasiwang a gasa ya ntlha a bo a gasa ya befelo go fa lebante mmala wa sennela ruri. Go supa fa Rre Kgantele a sa eletse go digela lenaneo le ka motlhobodika, a re o eletsa go bona kgwebo ya gagwe e le kwa godimo gore e re motho a le kwa mafatsheng a sele a bone lebante le le dirilweng mo Chanoga mo Botswana. A re le kgwebo ya gagwe o batla gore e bo e na le bokgoni jwa go thapa batho, go tlhamela lefatshe ditiro. Kgosi Oatleng Setlhodi wa Chanoga, o ne a kopa khansele ya Bokone Bophirima go rotloetsa Rre Kgantele ka go mo neela ditiro tse di amanang le go direla bana ba ba tlhokomelwang ke khansele mabante. “Ke buisiwa se ke gore kgwebo ya ga Rre Kgantele e tsweletse e bile o tshwere ka natla go tlhabolola botshelo jwa gagwe,” a tlhalosa. Kgosi Setlhodi a re ba ba tsayang mananeo ba tshwanetse go leka ka bojotlhe go dira dipoelo ka go dira maikano a bone a ba neng ba a solofetsa goromente. A re se ke sone se ka tokafatsang itsholelo ya lefatshe leno, ka madi a tlaa bo a sa wele ka motlhobodika. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Sekgoma o leboga ba Mmashoro
Kgosi Mokhutswane Sekgoma mo Serowe o lebogile banni ba Mmashoro go bo ba kgonne go kopana ba bua ka dipharologanyo tsa bone. Kgosi Sekgoma o buile jaana fa a lekodisana le banni ba Mmashoro, a digela thulaganyo ya go thiba phatlha ya mothusa kgosi. Se se tla morago ga go tlogela tiro ga ga Kgosi Mompati Wabobedi ka bogodi. E rile morago ga moo, puso ya tlhatlosa mothusi wa gagwe e leng Rre Opele Disang maemo, ka jalo se sa tlogela phatlha ya mothusa kgosi. “Ke amogela maina a mabedi a le a beileng fa pele ga rona, e leng a ga Rre Bontshwanetse Kgosiesele le Rre Robert Modisagape, e bile ke one a ke tlaa a isang fa pele ga ga kgosikgolo,” Kgosi Sekgoma a supa. E ne ya re morago ga dipuisanyo le dipharologanyo tsa banni mo phuthegong eo, Kgosi Sekgoma a supa fa a eleletsa banni ba Mmashoro gore Modimo o nne le bone ba tle ba kgone go aga motse wa bone. “Ke lebogela theetso ya lona le tirisanyo mmogo mo tirong e. O kare Modimo o ka le etelela pele, gore le kgone go aga motse o wa rona,” Kgosi a tlatsa. Fa a ntsha leina mo boemong jwa banni ba Mmashoro, Rre Olegole Bogosi o ne a supa fa borara jwa motse bo ile jwa kopana ka fa bothokong, a supa fa bogosi bo lebagane bongwe jwa bobedi jwa boora Pusoetsile le Kgosiesele. O supile fa ba ile ba dumalana gore Rre Kgosiesele a name e le mothusa kgosi fa ba santse ba rarabolola dipharologanyo tsa bone. “Re lemogile gore dipharologanyo tsa rona di dirwa ke gore re rarabolola dikgang tsa rona fa pele ga setshaba, ka jalo re bone gore go botoka bobedi jo bo kopane go rarabolola kgang e.” O tlhalositse fa ba tlaa boa ba busetsa kgosi phetolo, a gatelela gore ba tlaa kopa gore kwa pele go nne le mowa wa neelano fa go setse go rarabolotswe kgang ya mong wa bogosi. Fa a akgela, Rre Tirelo Mathodi, o ne a ntsha leina la ga Rre Modisagape, a supa fa le bone e le botsadi jwa motse, ba dumalane gore e ka nna ene mothusa kgosi, a tlhalosa fa ditso di supa fa e le ene mong wa setilo. Fa a tswala, Mokhanselara wa Mmashoro, Rre Entetse Boitshwarelo o ne a supa fa go le botlhokwa gore go nne le mothusa kgosi, a tlhalosa fa dithuso le ditirelo tsa puso di saletse kwa morago ka ntlha ya gore go bo go sena mothusa kgosi. O kopile boraro joo go nna ba lekodisana le morafe. A re go supafala fa morafe o sa lekodisidiwe ka dikgang tse di ntsi, mme se ke sone se ka dirang gore ditshwetso dingwe tse di tsewang ke borara di seka tsa atlega, ka di busetsa ditswhanelo tsa morafe kw morago. O tlhalositse fa kgotla e le yone e go buiwang sengwe le sengwe se se amang morafe kwa go yone, bogolo jang dikgang tsa ditlhabololo, ka jalo a kopa gore kgang e, e ye meriting ka ditiro bontsi di eme.
society
9
Monana wa Tlhareselele o tshela ka petwana
Rre Pule Letshikhoana yo o tlholegang kwa motseng wa Tlhareseleele mo kgaolong ya Borwa kwa Borolong o itiretse mmereko ka go gweba ka go betla. O tlhalositse mo potsolosong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng fa a sa ipona tsapa go itirela ka diatla morago fa a sena go bona letlhoko la ditiro le le lentsi mme o simolotse go ipereka go tswa ka ngwaga wa 2009. A re kgwebo ya gagwe ke ya go betla legong go dira ditilo tsa dikgole, ditafole, dikosini tsa ditswalo le tsa matlhaba phefo tsa legong, diphetlho, megori, go loga ditlhaka, le go baakanya tsotlhe tse di dirilweng ka legong ko malwapeng. Rre Letshikhoana a re o ithutile go betla a tsaya malebela mo bathong ba ba neng ba betla legong, mme pheleletsong a felela a itirela ka diatla. A re mo kgwebong ya gagwe e a e direlang kwa toropong ya Lobatse e tsweletse sentle, a re mo dinakong tsa gompieno go iperekela o dira ka diatla go na le mosola e bile go ka go isa golo gongwe. O boletse gore fa a sale a simolola kgwebo go nnile le dikgwetlho tse di sa ntsheng mokola mo a feletseng a reka didirisiwa tse a di dirisang go betla, mme seemo sa tokafala. A re bontsi jwa batho ba ba rekang mo go ene ke ba toropo ya Lobatse le metse e e mabapi. O buile fa a kgona go dira madi a a ka kgonang go ithusa le go tshetsa ba lelapa la gagwe. Rre Letshikhoana o boletse fa maikaelelo a gagwe e le go bona kgwebo ya gagwe e godile e bile a thapile bangwe gore le bone a ba namole mo lehumeng. “Ke tswa kgakala le kgwebo ya me e sa dire sentle le e dira sentle, mme borotho jone ke a bo bona” A tswelela a re o tla ikopanya le ba ofisi ya nyeletso lehuma gore ba mo thuse ka didirisiwa tse di ka tlhonolofatsang tiro ya gangwe ya go betla. O tlhalositse fa ba ba dirang dikgwebo tse dipotlana ba seka ba itlhoboga fa dikgwebo tsa bone di sa dire sentle, a fa sekai ka ene jaaka a nnile le dikgwetlho tse di farologaneng mme a nna a itsetsepela. O kaile fa dingwe tsa dikgwebo tsa banana tse di phutlhamang e le ka go tlhoka go kwala madi a a tswang le a a tseng mo kgwebong go bona gore e dira jang, mme a re seo se dira gore pheleletsong ba palelwe ke go itse gore kgwebo e isiwa tlase ke eng. A re mo bogompienong o nna ko Molapowabojang mme mo tswelelong ya botshelo o batla go ipona a nna le lelwapa la gagwe le a le agileng ka madi a kgwebo. BOKHUTLO
economy_business_and_finance
3
Tsayang diteseletso tsa dibapalwa nageng
Moemedi wa lephata la dikgwa, Rre Lesego Habangana, o rotloeditse gore Batswana ba ba gwebang ka dibapalwa nageng di tshwana le dikgong, maungo le bojang, go tsaya diteseletso ka go na le molato o ba ka o lebisiwang segolo jang fa ba ka tswelela ka go gweba ba se na diteseletso. E rile a bua kwa phuthegong ya khansele potlana ya Kweneng kwa Molepolole mo bosheng, Rre Habangana a re ba rotloetsa thata mananeo a a tlaa inolang batho mo lehumeng la nta ya tlhogo. O ne a tlhalosa gore ba lemogile gore Batswana ba ka ithusa ka dibapalwa nageng go itshetsa, mme go na le melawana e ba tshwanetseng go e sala morago, go tila go otlhaiwa. O tsweletse ka go supa gore pele ga ba neela motho teseletso ba ya go bona lefelo le a le beileng leitlho mme ba mo fe teseletso fela fa e le gore kwa a go kaileng go setse go ka bapalega. O ne a gwetlha Batswana gore ba ititee ka thupana ba tsee diteseletso go gweba ba phuthologile. Rre Habangana o bile a tsibosa Batswana gore ba tshwanetse ba ela tlhoko ditlamorago tsa go bapala pheteletsa ka go felela go kgotha lefatshe, a tlatsa ka gore, batho ba ba itshetsang ka dibapalwa nageng ba tshwanetse go inaakanya le ba lephata la dikgwa go itse thata ka melao le tsamaiso ya go gweba ka dibapalwanageng le go laola seemo se. O ne a tswelela a kopa Batswana gore ba tsibogele melelo ya naga, ka a tlhalosa gore ka go dira jalo, ba tlaa bo ba tlamela ditsabone e leng tsone dibapalwanageng. O ne a tlatsa ka gore fa ofisi ya gagwe e se yong teng, go tshwanetse go itsisiwe mapodisi le ba bogosi pele.
economy_business_and_finance
3
Ba Nlapkhwane le Masukwane ba galaletsa molemisi
Balemi ba metse ya Nlapkhwane le Masukwane kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba galaleditse molemisi wa bone wa pele, Mme Kebaemetse Motemane go bo a ne a ba thusa ka botswapelo. Fa ba bua kwa letsatsing la go ipelela thobo, le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa Nlapkhwane ka bosheng, bontsi jwa balemi ba metse eo, ba tlhalositse fa ba tsweletse ka go bona thobo e e nametsang ka ntlha ya dikgakololo tsa ga Mme Motemane. Kgosi Mukani Mudongo o buile a sa kgale mathe ka tiro e ntle e e dirilweng ke Mme Motemane, a tlhalosa fa molemisi yoo e le ene a lekileng bojotlhe go tsenya banni ba metse eo lorato lwa temo. A re ka jaana Mme Motemane a sa tswa go fudusiwa kwa Kanye, o kopa go thusiwa ka molemisi yo o ka kabang phatlha ya gagwe ka bofefo gore ba kgone go tsweledisa tema e a e segileng. Balemi ba tlhalositse fa Mme Motemane a ne a sa ipone tsapa, a nna a ba fa dikgakololo tse di amanang le tsa temo le gone go ba rotloetsa go inaakanya le go lema ka ditselana. Bontsi bo tlhalositse fa monongwaga ba inaakantse le go lema ka ditselana mme ba supa fa ba itemogetse fa go dira jalo go ntsha maduo a a nametsang fa go tshwantshanngwa le go gasa. Molemi mongwe wa Masukwane, Mme Lechedzani Tazwidza yo o setseng a phothile thobo ya gagwe, o tlhalositse fa a itemogetse pharologanyo ya go lema ka ditselana ka jaana a na le dingwaga a gasa mme a sa tswe ka maduo a a kalokalo. A re mono ngwaga o lemile diekere tse tharo ka ditselana mme o dule ka dikgetsi di le masome a supa le motso Mongwe wa balemi ba Nlapkhwane, Rre Shadrack Matebu o rotloeditse batho go tsaya temo ka tlhoafalo ka e le tiro ya sennela ruri. A re ba tshwanetse ya re ba sena go lema ba tlogela go bereka Ipelegeng ka nakwana go itebaganya le go tlhokomela temo. Mme Begani Chiabe wa Masukwane a re o kile a bo a le mohumanegi mme a inaakanya le temo jalo o na le tsholofelo ya gore ga a kake a wela mo isong temo e le teng ka a e dirisitse go ikapola lehuma. Fa a tswa la gagwe, Mme Motemane o boletse fa ele lekgetho la bobedi balemi ba metse eo ba ipelela letsatsi leo mme seo se mmaya pelo ka a lemoga fa peo e a e jadileng mo baleming e sa wela mo mmung o o lekgwarapana, mme a ba gwetlha go tswelela ka mowa wa go tlhoafalela temo. BOKHUTLO
society
9
Kgolegelo ga se lefelo le le monate
Batsadi ba kopilwe go ruta bana ba sale babotlana ka ditlamorago tsa borukutlhi gonne kgolegelo ga se bonno ke boetelo. Assistant Superintendant Phillip Mokoto go tswa kwa kgolegelong ya Serowe o tlhagisitse fa botshelo jwa kgolegelo bo sa tshwane le jwa motho a le kwa lapeng ka wa kgolegelo a bona masika ka sewelo, selo se ope a sa se eletseng. Rre Mokoto o ne a bua kwa phuthegong ya kgotla ka Labobedi kwa Mogorosi, e e neng e buisiwa ke ba sepodisi le ba dikgolegelo go tswa kwa Serowe mabapi le dikgang tsa borukutlhi le kgokgontsho. Assistant Superintendent Mokoto o kopile setshaba, bogolo jang banana go emisa borukutlhi ka ditlamorago tsa jone e se tse di eletsegang. O kopile banni go iphapha mo go rotloetseng borukutlhi, a bolela fa bangwe ba na le mokgwa wa go fa magolegwa dingwe tse di sa letlelelelweng kwa kgolegelong jaaka motsoko le megala ya letheka. A re ga go sa tlhole go letlelelwa go gogwa ga motsoko kwa kgolegelong ka go lemogilwe fa o kgona go ama magolegwa a a sa gogeng. O supile fa kgolegelo e tshwanetse e nne teng gore batho ba kgalemelwe gore ba dire tshiamo. A re setshaba se seka sa tsaya gore kgolegelo ke lefelo le go bewang ditlhobogwa. Asst Supt Mokoto a re fa motho a tswa kgolegelong, o tla a agegile e bile a filwe dithuto tse di farologaneng tsa go dira ka diatla go itshetsa, a re go botlhokwa gore setshaba se amogele yo o tswang kgolegelong. Mogolwane go tswa kwa kgolegelong ya Serowe, Rre Seineeng Ntshebe go tswa kwa kgolegelong ya Serowe a re borukutlhi bo dirwa thata ke banana le borre. A re dipatlisiso di supa fa borukutlhi bo dirwa ke ba ba nnang mo lefelong le bo diragalang mo go lone. O kopile banni go tshwaragana le mapodisi go lwantsha borukutlhi jo bo ileng magoletsa mo le dikgolegelo di tletseng. Rre Ntshebe a re borukutlhi ga bo busetse e bile ga bo na tswelelo epe mo botshelong. A re go ngomola pelo ka borukutlhi bo dirwa ke bone bana ba go beilweng mo go bone mme ba felele ba tshwarwa. O rotloeditse banana go tsaya mananeo go itshetsa le go tlhabolola motse wa bone go na le go senya nako ka tse di ka se keng di ba tswele mosola.
crime_law_and_justice
1
Morutababana o tlhokoletsa baithuti ditlhatlhobo
Thuto ke yone konokono mo go ageng le go godisa babusi le baeteledipele ba kamoso. Fa a bua kwa letsatsing la go rutuntsha le go baakanyetsa baithuti ba mophato wa boraro mabapi le ditlhatlhobo tsa makgaola kgang le go ya go dira mophato wa bone, morutabana, Mme Tebogo Ramodikwana wa sekolo se segolwane sa Bakgatle o boletse fa thuto e le botlhokwa e bile e le tshwanelo ya mongwe le mongwe. Mme Ramodikwana o boletse fa maikaelelo a letsatsi leo, e ne ele go ba tlhatlhelela ka mananeo a puso e thusang banana ka one fa ba ka se kgone go fetela kwa pele le dithuto tsa bone, ga mmogo le go tlhatlhelela baithuti ka dithuto tsa dikole tsa ithutelo tiro ga mmogo le tsamaiso ya ga goromente ya go duelela baithuti go dira dithuto tse ba di ikgethetseng. Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto mo kgaolong ya Kgatleng, Mme Alice Moutswi, o boleletse baithuti fa go le botlhokwa go itse bokgoni jwa bone le go ikitse gore ke bomang, ka seo se ka thusa gore e nne baeteledipele ba popota. Mme Moutswi o tlhalositse fa boitsholo, le ka fa motho a dirang dilo ka teng go ka supa gore o ya go nna moeteledipele yo ntseng jang, mme a gwetlha baithuti go itshwara sentle. O boletse fa moeteledipele wa tlhwatlhwa a itirisa, a dira dilo a sa kgaramediwe, e bile a dira ditiro tsa botlhokwa pele ga dilo tsotlhe mme godimo ga tsotlhe a nna a ithulagantse ka nako tsotlhe. O rotloeditse baithuti go ikgapha mo ditirong tse di ka ba senyetsang bokamoso, a tlatsa ka gore bontsi jwa bana ba dikole ba inaakantse le ditiro tse di duleng mo tseleng mme seo se phirimise bokamoso jwa bone jo bo nitameng. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa sepodise mo Mochudi, Sub Inspector Distance Thwane, a re fa baithuti ba tsena kwa sekoleng se segolwane go dira mophato wa bone ba simolola mekgwa e e sa siamang jaaka go dirisa nnotagi le motokwane. Sub Inspector Thwane a re baithuti ba simolola go nna le setho se se sa eletsegeng jaaka go tlhapatsa barutabana, ba tlhoka tsebe ka jalo ba iphitlhele ba le mo diatleng tsa ba sepodise. O boletse fa kwa sepodiseng go tsewa baithuti ba ba dirileng sentle mo mophatong wa botlhano, ba na le dintlha di le masome a mararo go ya kwa godimo e bile ba dirile sentle mo dithutong tsa sekgoa. O tlhalositse fa go ithuta go le botlhokwa e bile motho o ka direla sepodise mo makalaneng a a farologaneng a tshwana le go kgweetsa difofane, go nna mooki le tse dingwe fela jalo, tse tsotlhe di tlhokang gore motho a bo a dirile sentle mo dithutong tsa maranyane. E ntse e le kwa letsatsing leo, mogolwane go tswa kwa lekalaneng le le ikemetseng la Local Enterprise Authority, Rre Fana Kelebogile, o tlhaloseditse baithuti fa lekalana la bone le thusa ka go ba fa dikgakololo tsa go tsamaisa kgwebo. O gakolotse baithuti go tshwaragana le barutabana, go ithuta ka tlhoafalo ga mmogo le go kopa mo Modimong go ba okeletsa botlhale le go ba sireletsa gore ba kgone go fenya ditlhatlhobo tsa bone, ba ntshe maduo a a siameng. BOKHUTLO
education
4
Makgato o lela ka tiego ya ditlhabololo
Mopalamente wa Sefhare/Ramokgonami, Mme Dorcas Makgato, a re o tshwenngwa ke go salela morago ga ditiro dingwe tsa ditlhabololo kwa kgaolong ya gagwe. A re ditiro tsa metsi, ditsela, lefatshe le thuto ke dingwe tse di sa mo jeseng diwelang ka dile bonya go dirafadiwa. Fa a buisa diphuthego kwa Mokobeng, Ngwapa, Sefhare, Chadibe, Borotsi le Mathako, Mme Makgato o boletse fa seemo sa lenyora le ditsela e se sone. O tlhalositse fa puso e tsere tshwetso ya go thusa ka go gokela metse e senang metsi mo pompong ya Lerala. A re tsela ya Dibete/Machaneng e tsweletse sentle, ebile bontlha bongwe jwa yone bo setse bo dirisiwa gotswa kwa ntlheng tsa Mookane. Mme Makgato o ne a abelana le morafe ka tse di buisantsweng kwa palamenteng. O supile fa go ne ga nna le ditshutiso di le tharo tse dineng tsa fetisiwa, jaaka ya kopo kgokelo ya metsi a Gaborone bokone, go akarediwa ga kgwebo ya letswai mo lenaneong la ditlhabololo le le faphegileng la (SEZA) le go kopa madi a mo oketsa gotsweledisa ditirelo tsa metsi le go lebelela di tlhwatlhwa phokoletso tsa dijo tsa leruo le tse dngwe. A re megopolo eo, ene ya amogelwa, kwa ntle fela ga wa go gokela metsi a didiba tsa masama go nosa borwa. Morafe o ne wa itumelela paakanyo melao, ba supa fa bontsi ja melao e sa bolo go ba baya kwa mosing jaaka wa go sa letleleleng banyalani go nna le setsha mongwe le mongwe wa bone, tiroso ya masimo e e eneng e lebaganye fela le temo lentswa dipula dile boutsana, ga mmogo le yone ya kwadiso dikompone e jaanong e tlaa dirwang ka marenyane. Ba re seo ke kgatelo pele ka gotla fokoletsa batho go ya kwa diofising goya go kopa kwadiso ya kompone. Ba ne ba lebogela tekodiso ya mopalamente wa bone bare ke senatla, o dirile gole gontsi gotlhabolola kgaolo e bile gape a tletse mowa wa boitlhapo.
politics
7
Moruti wa St.John Faith Mission o bolokilwe
Makgolokgolo a bahutsafadi ba ne ba tsene phitlho ya mookamedi wa kereke ya St.John Apostolic Faith Mission, Dr Kadi Simon Seisa kwa Tutume ka Matlhatso. Moruti Seisa o tlhokafetse kgwedi e e fetileng e le masome mabedi le boraro morago ga go lwala ka lobakanyana a le dingwaga di masome a ferabongwe le bosupa. Dibui ka go farologana di supile fa Moruti Seisa e ne ea le motho yo o boikobo, a le senatla, a rata batho ebile a boifo Modimo. Gatwe o ne gape a le setswerere sa moopelo mo a thamileng dipina di le mmalwa ka dipuo ka go farologana. Rre Seisa a re moswi o ba godiseditse fa tlase ga tumelo, ka jalo a leboga maloko a kereke ya St.John tlotla e ba neng ba e fa rraagwe fa a sale mo botshelong go fitlha ka letsatsi la gagwe la bofelo. O ne a kopa maloko a kereke eo go sala ba goga ka mowa o le mongwe go godisa le go tsweledisa motlhala o ba o segetsweng ke mookami, Dr Seisa. Malomeagwe moswi, Rre Rodgers Sedimo a re moruti Seisa o tswa kgakala a goga kereke eo ya St.John, ka ene le maloko a mangwe ba ne ba bula kereke eo kwa Matsitama ka 1962, fa kwa Tutume e ne ya bulwa ka 1973. Rre Sedimo a re loso la Dr Seisa ga se tatlhegelo ya ba lelwapa fela. Moruti Seisa o tsholetswe kwa Nekati ka ngwaga wa 1921 e le ngwana wa borobabobedi wa ga Rre Simon Tobane Seisa wa Kolojane kwa kgaolong ya Leribe kwa Lesotho le Mme Mosepele Seisa wa kgotla ya Phaleng kwa Shoshong. O simolotse dithuto tsa gagwe tse di potlana kwa Mabigwi ka Sub A go ema ka lokwalo la bone ka ngwaga wa 1930. O ne a tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa Lady Khama Memorial School kwa Serowe kwa a dirileng lokwalo labotlhano go ema ka laborataro. O ne a ya go ithutela borutabana kwa Adams Teachers Training College kwa Durban Natal ka 1945-1948, go tsweng foo a ya go ruta kwa Dombo Dema kwa Zimbabwe. O ne a boela Botswana go ruta kwa Matsilojwe le Mathangwane morago a tlogela tiro ya borutabana go bereka mo moepong wa kopore kwa Matsitama. Tiro ya gagwe ya bodiredi jwa kereke o e simolotse kwa Matsiloje kwa a neng a le morutabana go tswa ka ngwaga wa 1955 a tsena kereke ya Spiritual healing. Bishop Dr Seisa o ne a tsweledisa tiro ya gagwe ya bodiredi jwa Modimo ka go dira makalana a dikereke kwa mafelong a a farologanyeng a Botswana mme a le mo fa tlase ga boeteledipele jwa ga Mme Christinah Nku. Ka ngwaga wa 1970 o ne a boela kwa tirong ya gagwe ya borutabana mme o ne a tsholediwa maemo ka ngwaga wa 1974, go nna mothusa mogokgo. Morago ga go tlogela tiro ka bogodi o ne a tsena sekole sa boruti ka tlhaeletsanyo kwa Kgolagano Theological College. E ne ya re ka ngwaga wa 1985, moruti Seisa a bewa bishop kwa Afrika borwa mme a tlhomamisiwa ka 1991 mo Botswana, mme a fiwa seetsele sa Doctorate ka 2017. Moswi o tlogela bana ba supa, borre ba batlhano le bomme ba ba bedi, bana ba bana ba le lesome le boferabobedi le dikokomane di le lesome le bobedi.. BOKHUTLO
society
9
Ba Mmashoro ba a ikuela
Banni ba Mmashoro kwa kgaolong ya Serowe Bokone Bophirima ba re ga ba na ditiro le mororo go na le dikhamphani tse dintsi tse di direlang mo motseng wa bone. Ba ntshitse ngongorego e mo phuthegong ya kgotla, e e neng e tshwerwe ke mopalamente wa kgaolo ya bone, Rre Tshekedi Khama bosheng. Ba supa fa ba ngongoregela gore banana ba motse wa bone ba felela ba batla ditiro mo lenaneong la Ipelegeng ka gore ga go na kwa ba ka yang teng. Rre Khama, yo gape e leng tona wa lephata la tkologo, diphologolo le bojanala o ne a tlhalosa fa a tlaa bona gore seemo se se rarabolwa jang. O ne a tlhalosetsa banni gore o ne a utlwa ka tshenyo e pula e e dirileng mo motseng wa bone, mme a tlatsa ka gore botlhe ba ba amegileng ba tsile go bona dithuso. A re puso e ikaelela go thusa botlhe ba ba amilweng ke dipula mono ngwaga.O ne a abela bagodi dikobo di le lekgolo le masome a mabedi. Mo go tse dingwe, Rre Khama o ne a gakolola batsadi go tlhokomela bana ba bone le lefatshe la bone. A re bana ba tshwanetse go gakololwa sentle gore ba tle ba nne baeteledipele ba tlhwatlhwa. O ne a tlatsa ka gore fa ditlhabololo di tla mo motseng, di somarelwe gore bana ba tle ba di fitlhele di le mo seemong se se botoka.
society
9
Batshwara ditlhapi ba kopa go okelediwa nako
Batshwara ditlhapi ba lekgotla la Leechoara kwa Mohembo West ba kopa puso go ba okeletsa nako ya go tshwara ditlhapi. Ba boletse mo potsolosong bosheng gore dinako tse di dirisiwang ga di ba tswele mosola ebile di dikhutshwane, ka jalo ba kopa gore di okediwe go simolola ka nako ya botlhano maitseboa go ya kwa go ya lesome le bobedi bosigo. Ba re ka tsamaiso ya gompieno, nako ya go tshwara ditlhapi e simolola ka nako ya botlhano go ya kwa go ya boferabobedi. Rre Tlholego Karundu a re ba obamela molao o o beilweng wa go tshwara ditlhapi ka ba dirisa matloa a a letlelesegang go tshwara ditlhapi, ba phepafatsa mafelo a ba tshwarelang mo go one le go somarela dinako tse di beilweng. Rre Karundu a re molao o a ba gatelela segolo jang ka paka e go tswalelwang letsomo ka kgwedi ya Sedimonthole go ya kwa go Mopitlo. Batshwara ditlhapi bao ba re ga ba bone dipoelo tse di botoka mo thekisong ya ditlhapi ka jalo ba kopa gore go seka ga fetolwa teseletso ya go tshwara ditlhapi. Ba re dingwaga tse tlhano di siame go na le e le nngwe. Ba re e le batshwara ditlhapi ba rutilwe ke ba lephata la ditlhapi, bojanala le makgabisa naga gore ba ka somarela makgobokgobo le tikologo ya bone jang, ba kopile gore batho ba ba tshwarelang ditlhapi go ja le bone ba fiwe teseletso ya go tshwara. Ba ikuetse mo pusong go fokotsa dikwena le dikubu mo nokeng ya Okavango. Mokwaledi wa Leechora, Rre Maphane Motsokwe ene o boletse fa ba na le ditlhapi mo madirelong a bone mme ba itemogela kgwetlho ya mmaraka ka ga gona kwa ba rekisang teng. Bokhutlo
politics
7
Morafe wa Makwate o lela ka metsi a a letswai
Banni ba Makwate kwa kgaolong ya Mahalapye Botlhaba ba ngongoregile ka metsi a a letswai. Ba tlhalositse fa metsi a motse wa bone a le thata e bile a leswafatsa meno, mme ba botsa lebaka la go bo koporase ya metsi e sa tlhatswe metsi ka go lebega a sa siamela botsogo. Banni ba ntshitse matshwenyego a kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa lephata la merero ya kabo ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho leswe, Rre Itumeleng Moipisi kwa motseng oo bosheng. Kgosi Motswaudi Motswaudi wa Makwate a re seemo sa metsi se a tshwenya ka e bile ba kgona go nna malatsi ba sena metsi. A re seemo sa letlhoko la metsi se a ba ngongorisa ka e bile fa motse wa bone o leng teng, go na le metsi a mantsi ka fa tlase. Kgosi Motswaudi a re gantsi fa ba ikuela ka letlhoko la metsi, ba arajwa ka gore ga go na didirisiwa. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo, Rre Security Mokhubami a re go kgaotswe dipompo tsa setshaba tse di ntseng di ba nosa. Rre Mokhubami a re se se baka gore banni bangwe ba tsamae dikhilomithara di ka nna pedi go ya go ga metsi. Ka jalo, o ne a kopa gore dipompo di gokelelwe gaufi le metse ya batho ba ba sa kgoneng go gokela dipompo mo malwapeng. O ne a tlhalosa gape gore e rile fa go sena go tswalwa dipompo go simololwa tsa dikarata, ga kgaolwa tshotlhe mme ga tlogelwa motobetso o le mongwefela mo motseng mme o sa lekane banni. Mo go tse dingwe, o tlhalositse fa e rile ngwaga o simolala ba ikopela go dira ditiro dingwe ka lenaneno la Ipelegeng mme ba seka ba di fiwa ba neelwa fela tsa go kgaola ditlhare. A re seemo se ga se a ba itumedisa ka jaana le palo e e thapiwang e le kwa tlase mme motse o na le banni ba le bantsi. O ne a ngongorega gape ka tsela ya Dibete/Machaneng a re go sa le go twe e tshelwa sekontere, nako kgolo e le eno. Rre Moipisi o ne a tlhalosa fa lephata la gagwe le itebagantse le go abela Batswana lefatshe, metsi gammogo le ditirelo tsa kgopho ya metsi a a leswe. A re maitlamo a bone ke go bona gore Motswana mongwe le mongwe o fiwa metsi a a phepa ka dinako tshotlhe. O supile fa puso e ne ya adima P1.5 billion go bona gore Batswana ba bona metsi. A re puso gape e ne ya bona go le mosola go phimola P20 yo o neng a lopiwa mongwe le mongwe yo o goketseng pompo mo lapeng mme a lopiwe madi a tiroso ya metsi fela. Rre Moipisi a re puso e tsere tshwetso ya go busetsa metsi a a dirisitsweng mo tirisong, a tlatsa ka g ore metsi a, a kgona go dirisiwa go nosetsa dijalo le go nowa fa a tlhatsitswe sentle. Fa a bua ka lefatshe, Rre Moipisi o ne a tlhalosetsa banni gore lephata la kabo ditsha le sa le le emisitse go aba ditsha tsa bonno mo Makwate ngwagatlola mme a ba solofetsa gore e tlaa re ngwaga ono o ya fifing ba simolole go abela baikopedi ditsha. A re se, se bakilwe ke letlhoko la lefatshe mo lefatsheng ka bophara. A re mo motseng wa bone, ba bone dikidinyana tsa lefatshe tse ba ka kgonang go di abela ba ba kopileng. O ne a gakolola banni go ya go kwadisa ditsha tsa bone gore di rurifadiwe mekono go hema dikgang tsa go lwela malwapa gammogo le go fokotsa bomaipaafela. Rre Moipisi o ne a lekodisa banni gape gore lekgotla la kabo ditsha le tshwenngwa ke dikoloto tse gantsi di dirwang ke beng ba ditsha tsa dikgwebo, a re ga ba duelele ditsha tsa bone. BOKHUTLO
health
6
BOCAIP e kgothatsa Badumedi
Lekgotla la BOCAIP le kopile baruti le Bakeresete go rapela go lwantsha mogare le bolwetse jwa AIDS. Se se builwe kwa bokopanong jwa maloko le dikereke tse di farologanyeng kwa Serowe bosheng. Ba boletse fa ba tshwenyegile thata ke go gola ga dipalo tsa batho ba ba amilweng le ba ba tswelelang ba amiwa ke mogare wa HIV. Modulasetilo wa BOCAIP kwa Serowe, Mme Tumalano Monamodi a re ka thapelo, mmaba HIV o ka fenngwa. Mme Monamodi a re puso e leka ka tsotlhe go lwantsha segajaja mme dipalo ga di fokotsege. O kopile gore Bakeresete ba ikokobetse ba obamele Modimo ka thata ba sa boele morago. A re dithapelo tse di tseneletseng ke tsone fela ba ka kgonang bolwetse jo bo apesitseng lefatshe kobo ka letshoba. O kopile baruti go sokolola morafe go ikgapha mo tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang. BOCAIP a re e bopilwe ka maloko a dikereke ka go farologana morago ga go bona setshaba se nyelela. A re dithuso tsa mahala di dintsi kwa lekgotleng la bone mme ba tlhatlhoba mogare mahala, ba sidila maikutlo a banyalani le go tlhokomela dikhutsana ga mmogo le go sokolola banana ba ba inaakantseng le ditagi. BOKHUTLO
religion_and_belief
8
Tshwaragano ya barutabana le batsadi e rotloetsa bana go itsetela adimo
Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso o lekodisitse banni ba Mookane ka melao e e dumalanweng kwa palamenteng jaaka tsamaiso ya kabo ya lefatshe. A re mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go nna le lefatshe go sa balelwe la boswa kgotsa la theko. A re se ga se kganele tshwanelo ya mme yo o nyetsweng go fiwa setsha ka fa molaong ka lebaka la go bo rre yo a mo nyetseng a setse a kile a fiwa setsha ke ba kabo ditsha. Kgang e a re e tswa kgakala e jesetsa bomme ba ba nyetsweng mo kgobedung e bile e dira gore ba tseelwe kwa tlase. A re tshwetso ya puso ya go letla bomme ba ba nyetsweng go akola tshwanelo ya bone ya go nna le lefatshe le e leng la bone e tlaa ba thusa gore ba kgone go itshetsa le gore fa tseo e ka tlhoka go tsamaya sentle, ba kgone go boelwa ke lefatshe le le bitsang maina a bone. O tlhagisitse Batswana go sireletsa le go babalela lefatshe le ba le abetsweng. A re palamente e fetisitse molao o o letlang gore fa motho a na le masimo mme a na le keletso ya go ka direla sepe fela se se ka mo letlang go itshetsa letlelelwe go dira jalo. O mongwe molao ke wa go itsese phatlalatsa dithoto tse matona a puso a nang natso o a reng o gwetlhilwe ke tshenyetso setshaba e e ileng magoletsa. Mme Tshireletso o kaile fa molao o, o tlaa letla gore bodiredi bo supe dithoto tse ba nang natso le go tlhalosa gore ba di kgobokantse jang. A re molao o o ya go ama botlhe mapalamente, matona le ba ba tswang o kaile fa ba tlaa bewa leitlho mo dingwageng tse tlhano. A re matlhabelo a BMC a tlaa fetisediwa kwa pusong mme e re mo lebakeng le le seng kalo puso e tlaa a fetisetsa kwa Batswaneng go nna kompone e e ikemetseng, selo se a reng se tlaa thusa puso ka e tlaa emisa go tshela madi a mantsi mo go one ka jaanong e tlaa bo e le boikarabelo jwa ba ba rekileng diabe. Monni wa Mookane, Rre Keineetse Mmopi o akgoletse mothusa tona boswa jo a bo ba tlogeletseng jwa tsela ya Dibete-Mookane-Machaneng, a bo a opela legofi molao wa go itsese dithoto a re ka fa tshenyetso setshaba e keketseng ka teng, gongwe molao o tlaa thusa. Rre Mmopi o tlhalositse fa a ratile palamente e e e sa tswang go wela go gaisa ka e ne e itebagantse le go araba matshwenyego a Batswana. Rre Maungo Pelopedi ene o ne a lebogela molao wa kabo ditsha o o fang bomme ba ba nyetsweng tshwanelo ya go fiwa lefatshe a re borre ba ba nyetseng ba tswa kgakala ba lemoga fa se se ba beile gammogo le bapati ba bone ka fa mosing. E ne ya re mo phuthegong eo Mookane show committee ya abela sekole se segolwanene sa Mookane ditilo tse di lopileng P9 100 le mesangwana ya basetsana ya P1 500.
education
4
Banni ba Tsau ba tshwenyega ka ditlhwatlhwa tsa metsi
Banni ba motse wa Tsau mo kgaolong ya Ngami ba tlhalositse fa ba tshwenyegile ka ditlhwatlhwa tsa metsi tse di kwa godimo le go senyega kgapekgapetsa ga dipompo tsa metsi tsa morafe. Banni bao ba buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Mopalamente wa kgaolo, Rre Thato Kwerepe yo gape eleng Mothusa Tona wa Thuto go tswa moding bosheng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Keeng Kealeboga a re ditlhwatlhwa tsa metsi di kwa godimo e bile a supa fa dipompo tsa morafe di tshabelelwa ke go senyega mme go tsaya lebaka gore di baakanngwe. Mme Kealeboga o buile seo fa a bega dikatlego le matshwenyego a kgaolo ya bone, mme a ikuela mo Mopalamenteng wa kgaolo. Mogolwane go tswa komponeng ya metsi ya Water Utilities mo Sehithwa, Rre Lebani Lebani o ne a tlhalosa fa kompone eo e itse ka matshwenyego a morafe wa Tsau, ebile ba kile ba solofetsa go baakanya seemo seo. Lefa go ntse jalo, Rre Lebani o ne a re ka letlhoko la madi seemo ga se a baakanngwa ka ba ne ba emetse tshimologo ya ngwaga wa madi ka Moranang. Ka jalo o ne a re ba setse ba kopile bo radikgwebo go ba fa ditlhwatlhwa tsa tse di batlegang. Rre Lebani o supile fa Komponi ya WUC e filwe madi go ka reka maranyane a masha a Smart Metres go tokafatsa go bala ditlhwatlhwa tsa metsi gore eseka ya ja bareki ntsoma. O ne a re ba itse matshwenyego a badirisi ba metsi a gompieno a ditlhwatlhwa tse di kwa godimo, mme a gakolola gore fa bana le dingongorego ba nne ba ikatametsa fa diofising tse di gaufi gore WUC e dire ditlhotlhomoiso tsa gore a ba tsieditswe kapo go na le lebaka jaaka go dutla ga metsi. Fa a ba kgwa dikgaba, Rre Kwerepe o ne a re o utlwa selelo sa bone mme a re komponi ya metsi le yone e na le dikgwetlho tse di tshwanang le didirisiwa tse dikgologolo. Rre Kwerepe o ne gape a gakolola banni gore ba se dirisi metsi a nowang a morafe go siela leruo, a re go botlhokwa gore ba ikopanye ka ditlhopha ba tseye mananeo a puso a go epa didiba.
society
9
Ba lebogela thuto ga e golelwe
Mme Rotlhe Gakebatshole go tswa mo motsaneng wa Mawana, go bapa le Maun o lebogela goromente ka lenaneo la thuto gaegolelwe, ka le thusa bao ba saletseng kwa morago mo dithutong. Mme yo, ka le ene e le mongwe wa bao ba sa tsenang sekole bogologolo a re o ne a kgona go boela sekoleng ka ngwaga wa 1993 mo sekoleng se sebotlana sa Boseja gone mo Maun morago ga go bona a tlolwa ke ditiro ka a ne a sa itse go bala le fa e le gone go kwala tota. “Ke ne ke batla go ipalela ka ke ne ke tshela ka go bitsa bongwanake gore ba mpadise. Morago ka bona se e se botshelo ka boela sekoleng. Gompieno ke moroki, fa ke ne ke sa tsena sekole se sa gaegolelwe ke ka bo ke sa kgone le gone go sega ka moroki a tshwanetse go itse selekanyo se a se segang le gone go bala mochine o a rokang ka one gore o bereka jang,” Mme Gakebatshole a tlhalosa. Mme yo a re ka e le molemi-morui o setse a kgona go ikentela dipotsane tsa gagwe, selo se a ne a ka seke a se dire pele. O tlhalosa fa go sa itse go bala go le botlhoko e bile go le diphatsa ka gore o kile a batla go jewa ke dintsa kwa Selebi Phikwe ka a ne a tsena fela mo jarateng mme go ne go kwadilwe mo kgorong gore tshaba ntsa. A re e rile a simolola sekole se sa bagolo go ne go le thata mo a ne a palelwa le ke go tshwara pena gore a kwale. A re o ne a seka a ipona tsapa mme a loma wa tlase a ithutuntsha le a le kwa lwapeng tota. O tlhalosa fa morutabagolo wa gagwe a ne a le pelotelele, se sa seka sa mo kgoba marapo a felela a itse go kwala. E re ntswa bangwe ba tlhabiwa ke ditlhong ba tshaba go tshegiwa ke batho Mme Gakebatshole a re e ne e se mongwe wa bone. A re bana ba gagwe ba ne ba mo rotloetsa gore a tsene sekole ka go mo badisa le go mo kgothatsa go dira tiro ya mo lwapeng. Tota mme yo o supa fa ka ngwaga wa 1973 a ne a tsena sekole kwa Shorobe mme ka ntlha ya bolwetse a seka a tswelela le sone a felela fela fa lokwalong lwa bobedi. Morago ga go fola batsadi ba seka ba mo busetsa kwa sekoleng ba mo dirisa mo go tsa lelwapa le kwa masimo. A re bana ba gagwe botlhe o ba tsentse sekole ka a dumela fa sekole e le sone bokamoso. “Ke ne ke sa eletse go ba dira se batsadi ba me ba se ntirileng ka go sa nkisa sekoleng. Ke solofela fa gongwe ke kabo ke le kgakala, mme ka go sa itse go bala le go kwala ka fosiwa ke ditiro tse dintsi ka ba ne ba kgona go nthaya ba re ga ke re le wena o a bona gore ga o itse go kwala,” a bolela. Mme Gakebatshole o gwetlha bao ba ba saletseng kwa morago mme ba na le matlho a go bona gore ba boele sekoleng ka go bala le go kwala go neela motho seriti. A tswelela ka gore a batsadi ba farologane le ba bogologolo ba ba ne ba sa itse mosola wa thuto. “Batsadi ba rona bogologolo ba ne ba dumela fa ngwana wa mosetsana sa gagwe e le go aga lelwapa a nyalwa, fa wa mosimane ene e le molemi-morui,” a tlhalosa. BOPA
education
4
Monana wa Tsabong o a iphataphatela
Monana mongwe kwa Tsabong o itshetsa ka go loga moriri. Mme Marea Bok a re o sale a simolola go loga a le dingwaga di le lesome le bobedi a rutiwa ke motsadi wa gagwe. Ka Motswana a re, ea re go tlogelwa tsatsing se ikise moriting, e ne ya re go hulara ga motsadi a tsweledisa tiro e e eleng yone e mo tshetsang mo nakong eno. Monana yo, a re ga ea ka yare a fetsa mophato wa botlhano a inaakanya le nnotagi jaaka bangwe ba dira, mme o ne a tsweledisa talente ya gagwe. Mme Marea a re o lebogela ba masika le ditsala ka ba ile ba mo ema nokeng go bona gore toro ya gagwe ea atlega. A re o simolotse kgwebo e, a logela mo lwapeng ka a ne a sa bone kwa a ka direlang teng ka jalo a kgobokanya madi go reka didirisiwa go fitlhelela a bona lefelo. “Ke simolotse ka mmereki ale mongwe gompieno ba bararo, maikaelelo ame ke go ba oketsa fa ke ka bona lefelo le legolwane go thusa banana ba bangwe ka go na le letlhoko la ditiro” go tlhalosa Mme Bok. O boletse fa go bona lefelo le a ka direlang mo go lone go se motlhofo gape ditlhwatlhwa tsa mafelo mangwe di le kwa godimo le ntswa lefelo le le lennye. Mme Bok a re mo nakong eno ba lekgotla la kabo ditsha la kgaolo ya Kgalagadi ba emisitse go baya ditsha mo eleng nngwe ya dikgwetlho tse a nang le tsone mo godimo ga moo, khansele e gana a logela gongwe le gongwe. A re o na gape le mathata a metsi ka ale letswai, se se baka dithutafatsa metsi le mixer tap go nna di thubega di batla go baakanngwa kgapetsa kgapetsa. A re se sengwe ke gore ba reka didirisiwa kgakala. O tsweletse ka gore ntle le dikgwetlho tse a kopanang le tsone, kgwebo e na le dipoelo tse di nametsang. A re o ikaelela go ya go kopa thuso ya lenaneo la banana gore ba mo rekele mobile salon ka yone e kgona go nna gongwe le gongwe le gore e tla a mo fokoletsa ditshenyegelo tsa go duela lefelo. Mme Bok o tlhalosa gore, “kgwebo ya moriri e bogadi bo gaufi ka yone o kgona go e simolola mo lwapeng” A re o rotloetsa banana gore ba se nne fela ba lebeletse mo pusong ,a tlhalosa gore ba dirise diatla tsa bone ka Modimo a rile mongwe le mongwe o tla tshela ka mofufutso wa phatla ya gagwe. O supile fa bonatla,botswerere, bopelotelele le botho e le tsone di okang balogi ntle le ditlhwatlhwa. Bokhutlo
economy_business_and_finance
3
Banni ba batla Makgaba a rurifadiwa
Banni ba Makgaba mo kgaolong-potlana ya Boteti botlhaba ba boletse fa ba sa jesiwe di welang ke gore ba sale ba tlhaloseditswe gore puso e dumalane gore motsana wa bone o tlaa rurifadiwa ka fa molaong mme nako kgolo ke eno. Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Boteti Botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe bosheng. Modulasetilo wa VDC, Rre Bawani Gosetsemang o tlhalositse fa motsana wa bone o ise o rurifadiwe, a tlhalosa fa go tlhoka go bewa motse ga Makgaba go baka gore ba seka ba kgona go akola ditlamelo le mananeo a puso a go leka go intsha mo lehumeng. Rre Gosetsemang o boletse fa Makgaba a le ka fa tlase ga tlhokomelo ya Mokubilo, a re ka jalo ditlamelo tsotlhe tse di tlhokegang ba di latela kwa Mokubilo. A re le fa Mokubilo e le one motse o gaufi o nnang le ditlamelo, go kgakala mo banning ba bangwe ka gore bangwe ga ba na madi a sepalamo fa bangwe e le balwetse ba ba tlhokang thuso ya bongaka bogautshwane. Go ya ka Rre Lelatisitswe, puso e dumalane gore Makgaba a nne motse ka fa molaong, a supa gore mo nakong eno kgang ya teng e kwa khuduthamageng. Rre Lelatisitswe o tlhalositse fa go rurifatsa motse go tlaa thusa banni fela thata ka dilo di le mmalwa tse di akaretsang go atametsa ditlamelo mo bathong. Rre Lelatisitswe o tlhalositse fa ditlamelo dingwe tse motse o ka di tlhokang ke; sekole, kokelwana le kgotla. O tsweletse ka gore go atametsa sekole mo banning go le botlhokwa fela thata ka gore thuto e tlhabolola motho, le gore bana ba ba botlana ba tlaa bona tlhokomelo ee faphegileng ya batsadi ba bone ka gore ba tlaa bo ba nna le bone. Mo kgannyeng e nngwe, Kgosi Rebagago Kesekilwe wa Makgaba a re ba tshwenngwa ke melato ya dikgomo tse di jelang balemi dijalo mo masimong. O kopile gore barui ba dise leruo la bone go itsa dikgotlhang gare ga bone. Kgosi Kesekilwe o tladitse ka gore go dirwe molao wa go ka atlhola barui fa leruo le sentse mo masimong. Rre Kesekilwe o ne a kopa banana ba motse gore ba emise go fitlha batswakwa ba ba senang diteseletso mo matlong le fa e le bone ba ba thusang go bona dijo. O boletse fa go baya motho yo o ntseng jalo go le diphatsa mo morafeng ka gore bangwe ke dirukutlhi tse di felelang di ba senyetsa. Kopo e ya ga kgosi e tla morago ga gore go begiwe fa go thubile magolegwa a le 18 kwa kgolegelong ya Francistown Central Prison. BOPA
politics
7
Banni ba Ghanzi ba keteka boipuso ka mashetla
Jaaka Batswana go ralala lefatshe leno ba ne ba ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano le metso e meraro ka Mosupologo, banni ba Ghanzi le bone ba ne ba phuthaganetse kwa kgotleng e tona go ipelela letsatsi le ntswa dipalo tsa bone di ne di se kalo. Melaetsa ya letsatsi e ne e remeletse thata mo kagisong le thokgamo tse di renang mo lefatsheng leno le kgatelopele ya matshelo a Batswana. Go ya ka moruti, Rre Rethabile Sibeko wa Reformed church, tse ga di a kgonagala ka botlhale jwa ga ope, fa e se fela ka tlhotlheletso ya mowa o o boitshepho. Moruti Sibeko a re Botswana o se a leng sone ka mautlwelobotlhoko a Modimo, e bile o ipelela dingwaga tse di masome matlhano le boraro go ise go nne le kubetsano epe, le fa e le semorafe ka ntata ya Modimo. Ka jalo, a re Motswana ka bongwe le bongwe o tshwanetse go leboga modimo, a tlatsa ka go re a diphetogo le puso ya batho ka batho di seka tsa lebatsa botlhe Modimo ka ke ene a dibetseng kagiso le thokgamo ya lefatshe leno. Molaetsa wa ga Tautona o ne wa balwa ke molaodi wa Ghanzi, Rre Patrick Tlotleng, mme le one o ne o gatelela gore go botlhokwa go ipelela kgatelopele kgotsa katlego ya tshaba ya Botswana. O ne o rotloetsa Batswana go dira ka natla go tsweledisa kgatelepele eno le go hema tse di akaretsang letlhoko la ditiro mo bananeng, lehuma, malwetse le go fetoga ga seemo sa loapi. Mo godimo ga moo, molaetsa o, o ne wa gwetlha botlhe go tiisa maiteko a go tswakanya le go fetola itsholelo gore e nne e e ikaegileng ka dikitso mme Batswana botlhe ba tsenye letshogo. Ka boipuso jwa ngwaga ono bo tla dibeke di sekae fela pele ga ditlhopho tsa setshaba, Tautona o ne a rotloetsa Batswana ba ba ikwadiseditseng go tlhopha, go ya go diragatsa tshwanelo ya bone ya go itlhophela boemedi jwa sepolotiki a bo a ba rotloetsa go tlhopha ka kagiso jaaka gale. O supile fa tsamaiso ya batho ka batho e ikaegile ka molao- motheo wa lefatshe, o e leng one o tlhomamisang gore Batswana ba tshela ka tshosologo. E ne e rile go le pele, Kgosi Botshelo Lekgothu wa Ghanzi a supa matshwenyego ka dipalo tse di wetseng tlase tsa banni ba ba tlang go ipelela boipuso kwa kgotleng.
society
9
Go tlhoka Omang go baa Kebifile ka fa mosing
Mme Josephine Kebifile, yo o tlholegang kwa Letlhakane, a re ga a na Omang ka jaana mmaagwe a tlhokafetse a ise a e mo direle. O ne gape a tlhalosa fa a sa itewa seatla e bile e le molwetse wa kankere. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Kebifile o tlhalositse fa a tshelela mo botlhokong ebile a sa bone boroko. Mme Kebifile o tlhalositse fa seemo sa bolwetse se simolotse ka kgwedi ya Phalane ngwaga o o fetileng mme seemo sa bifela pele ka kgwedi ya Morule morago ga keresemose. O boletse fa a ne a ile kwa kokelong ya Letlhakane mme ba mo fetisetsa kwa kokelong ya Nyangabwe kwa a tswang go bona thuso e e neng ya ritibatsa botlhoko. O tshwanetse go ya go tlhatlhobiwa kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi a le masome mabedi le borobabobedi. A re ba bongaka ba mo gakolotse gore a sa amane le mogote ntswa a na le losea le le tlhokang gore ale direle mashi ka a sa amuse ka lebele. O boletse fa a ne a bereka ele modisa wa dipodi ko merakeng ya Metlhabeng pele ga a tlhaselwa ke bolwetse mme mo nakong ya gompieno a sa kgone go itirela sepe. O na le bana ba babedi,yo motona o lekanye go tsena sekole mme go padile ka a sena sesupo sa gore ke Motswana. Yo mongwe o dikgwedi tse nne. Mme Kebifile o supile fa a tshelela mo lehumeng le le maswe ka a sa thusiwe ka mananeo a puso ka lebaka la go tlhoka karata ya Omang. O tlhalositse fa a sa kgone go nna lebaka, mme go batla a tlhola a rapame fela. O boletse fa a tlhokomelwa ke mmangwaneagwe yo e leng ene yo o bapalang mogwana, ba o rekise mme ba kgone go reka dijo. Ba lelwapa la ga mme Kebifileba ba nna mo ntlong ya mmu e ruletswe ka bojang mme e se mo seemong se sesiametseng go nna molwetse wa sepopego sa gagwe. Ba nna mo ntlong eo ba le lesome le borobabobedi.
society
9
Letshololo le tlhasetse Moiyabana
Motse wa Moiyabana mo kgaolong ya Legare o tlhasetswe ke dipeba tse banni ba belaelang fa di ka tswa di ba tsiseditse bolwetse jwa letshololo. Banni ba boletse jalo mo phuthegong ya kgotla morago ga pego ya ba botsogo ya gore ba amogetse dikgang tsa letshololo di le masome a mararo mo bekeng tse pedi tse di fetileng di ama bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse tlhano. Banni ba tlhalositse fa dipeba tseo di ba tsentse tsebetsebe ka jaana di dira go rata le go kgona mme ba supa fa di ka tswa di bakwa ke go bo ba nnile le thobo e e nametsang mo pakeng e e fetileng ya temo. Ba re ba belaela fa dipeba tseo e le tsone di ka tswang di baka letshololo le le tsweletseng ka go tlhasela bana le bagolo. Ba ne ba batla go itse gore a dipeba ga di na botlhole bope jo bo ka amang botsogo jwa motho fa di amane le dijo. Fa a tsibogela matshwenyego ao, mooki Mme Dziidzo Lebala o tlhalositse fa dipeba di ka baka bolwetse jo bo bidiwang ‘plake’ jo a supileng bo ise bo nne teng mo lefatsheng leno. Mme Lebala o tlhagisitse banni gore ba seka ba ja dijo tse di amaneng le dipeba mme e bile a ba gakolola gore ba tshwanetse go obamela ditsetlana tse di babalesegileng fa ba tshwara dijo go itsa go tshabelelwa ke megare e e ka feletsang e ba baketse malwetse a tshwana le letshololo. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa tsa botsogo, Rre Bagogi Chibona o rurifaditse fa bolwetse jwa letshololo bo amile banni ba motse oo ka dipalo tse di kwa godimo mo bekeng tse pedi tse di fetileng e bile bo setse bo anama le metse e mabapi. O ba kgothaditse go phepafatsa tikologo ya bone nako tsotlhe ka e rotloetsa botsogo jo bo itekanetseng. Fa a itebaganya le bommabana, Rre Chibona o tlhalositse fa lephata la gagwe le sa rotloetse kamuso ka lebotle ka e le borai gonne e ka baka letshololo mo baneng jalo a ba kgothatsa go amusa ka lebele kgotsa ba dirise kopi ka e le motlhofo go tlhatswega. O tsweletse a re mmangwana o tshwanetse a tsaya bogakolodi kwa go ba bongaka go tloga ka boimana jwa gagwe go fitlha a tshola ngwana. Le fa go ntse jalo, Rre Chibona o tlhalositse fa go ise go nne le dintsho dipe tse di begilweng tse di ka tswang di bakilwe ke letshololo leo mme a kgothatsa banni go bona ba botsogo fa ba tlhagogelwa ke dikai tsa bolwetse joo ka bo le borai fa bo sa tsibogelwe ka nako. O boletse fa dipatlisiso di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se baka bolwetse joo mo motseng oo. Bokhutlo
health
6
Kgosana ya tetlanyo e tlaa kiba ngwaga tse tlhano
Kgosana ya tetlanyo kwa Mabutsane mo kgaolong ya Borwa, David Pule, o atlholetswe dingwaga di le tlhano mo kgolegelong morago ga go bonwa molato wa bogodu jwa leruo. E rile ka kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga wa 2014, Pule a utswa dikgomo di le thataro mo go Mme Dolly Mapere mme a di rekisetse puso ka P20 000. Dikgomo tseo di ne di filwe Mme Mapere ka lenaneo la go thusa batho ba metse e e kgakala le ditlamelo. Mmueledi wa mosekisiwa, Rre Phenyo Sekape, o ne a kopa gore lekgotla le rekegele dingwaga tsa mosekisiwa le gore o na le boikarabelo mo setshabeng ka jaana e le kgosana. O ne a kopa lekgotla gore le lebe ntlha ya gore ke lantlha mosekisiwa a dira molato mme e bile ke ene a tlhokomelang lelwapa la gagwe. Godimo ga moo, Rre Sekape o ne a kopa gore mmakaseterata a seka a gagamaletsa mosekisiwa setoropo ka jaana a sa boelwa ke sepe mo bogodung joo ka dikgomo di buseditswe mong wa tsone. Mosekisi wa kgang eo, Rre Edwin Supang o ne a supa fa se mosekisiwa a se dirileng e le matlhabisa ditlhong ka jaana a na le boikarabelo jo botona mo morafeng. A re o tshwanetse go ka bo e le sekao mo setshabeng se se solofelang go le gontsi mo go ene. E rile a ntsha katlholo, Mmakaseterata Odirile Mokgatle a re ere le ntswa a lemoga ipobolo ya gore mosekisiwa ke motho yo motona e bile ke lantlha a dira molato, bogodu jwa leruo ke molato o o kwa godimo mme e bile katlholo e tshwanetse go nna maleba mo go mosekisiwa ga mmogo le molato o a o dirileng. A re go tlhabisa ditlhong gore mosekisiwa ele motho yo setshaba se nang le tshepho mo go ene a bo a utswela motlhoki yo o thusitsweng ka lenaneo la puso. Mme Mokgatle a re bosupi jo bo beilweng lekgotla pele bo supa fa mosekisiwa a ne a neela mongongoregi sekete le dipula di le makgolo a matlhano (P1500) e le phimolo dikeledi ka nako e nneng monongoregi a batla dikgomo tseo. Mo godimo ga moo, mmakaseterata o ne a ela tlhoko ntlha ya gore mosekisiwa o ne a leka go reka mongongoregi ka dikgomo tse pedi gore a tsholole kgang kwa mapodising. Le fa go ntse jalo, o ne gape a re lekgotla le lemoga fa mosekisiwa a sa boelwa ke sepe mo bogodung joo ka jaana dikgomo tse a neng a di utswile di ne tsa busediwa mongongoregi, ka jalo a mo atlholela kotlhao e e kwa tlase ya molato oo ya dingwaga di le tlhano mo kgolegelong.
crime_law_and_justice
1
Dikwena di tlhasetse kwa Maun
Mogolwane wa lephata la diphologolo le makgabisa naga Rre Bolt Othomile o supile fa go kgala ga metsi mo dinokeng tsa Nhabe go dira gore batho le diphologolo di tlhaselwe ke dikwena tse di nnang mo megobeng e e setseng. Rre Otlhomile o tlhalositse se mo puisanong le BOPA. Rre Otlhomilwe a re mogote o o feteletseng o dira gore dinoka di kgale mme metsi a a salang a itire megobe e mo go yone go nnang dikwena, le dikubu le diphologolo tse dingwe tsa metsi A re go supafala gore mo dikgweding tse pedi, kgwedi ya Lwetse le Phalane go gatisitswe dikgang di le lesome tsa go jewa ga leruo ke dikwena mo dinokeng tsa Boro, Thamalakane Botlhabatsatsi le Bophirima le Xwexwa. A re bosheng go nnile le kgang e monna mongwe a neng a tlhaselwa ke kwena kwa Tsanekona. Rre Otlhomilwe a re monna yo o ne a ba tlhalosetsa gore o ne a re o itimola mogote ka go tlhapa mo nokeng mme ka go tlhoka lesego o ne a tlhaselwa ke kwena ya kgaola letsogo la gagwe ya sia ka lone. “Le fa go ntse jalo, monna yoo a re go ne ga atumela kwena nngwe e re e a mo tlhasela ka lesego ga tlhaga mokoro o batho ba neng ba le mo teng ba mo thusa ka go mo inola mo metsing.” ga bua Rre Otlhomilwe. Rre Otlhomilwe o gakolola batho ba ba nnang go bapa le dinoka go nna kelotlhoko mo diphologolong tse di nnang mo metsing ka gore di borai e bile di tlaa ba gapela matshelo fa ba sa itlhokomele. O ne a tlhalosa gore ba lephata la diphologolo le makgabisa naga ba dira dipatlisiso tsa go bona gore dikwena di ka tswa di le dintsi mo megobeng efe le gone gore ba ka di fudusetsa kae fa di leng dintsi teng go di isa kwa di seng dintsi teng. Rre Otlhomilwe o supile fa ba tsile go baya mekwalo ya go tsibosa setshaba ka diphatsa tsa diphologolo tsa noka mo megobeng e e teng. O rotloeditse banni gore ba emise go tlhapa le go tlhatswa mo dinokeng ka gore seo se baya matshelo a bone mo diphatseng.
environment
5
Kgosi o akgolela banni go ikanya thapelo
Kgosana ya tetlanyo ya kgotlana ya Maenjane kwa Tutume, Rre Otsile Ketshotseng o akgotse banni ba kgotlana e go bo ba tsena merapelo ka tlhwaafalo. Mo potsolotsong bosheng, o tlhalositse fa seo se supa popagano le tirisano mmogo mo kgotlaneng ya gagwe mme le fa go ntse jalo Kgosi Ketshotseng o supile fa a santse a le sebete se molangwana ka bangwe ba ba santseng ba goga dinao le go tsena merapelo eo. O tlhalositse gore Batswana ba tshwanetse go lemoga fa metlha e fetogile ka gonne lefatshe leno le tsweletse ka go lebanwa ke dikgwetlho di tshwana le tlhagogo ya malwetse, dintsho tsa dikotsi tsa tsela ga reng ga tse dingwe. Ka jalo a re seemo se se tlhoka boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go nna le seabe go lwantsha dikgwetlho tse, a tlatsa ka gore Modimo ke ene botshabelo e bile a ka rarabolola mathata otlhe a a tlhagogang. O tsweletse a re merapelo e ka tsisa tsholofelo gape e ka sidila maikutlo a ba ba amegang mo dikgwetlhong tse, ka jalo go botlhokwa gore e tsenwe ka tlhwaafalo. Go sa le foo, Kgosi Ketshotseng a re go na le dikereke tse di ntsi thata mo kgotlaneng mme fela ga a itumedisiwe ke go bona dingwe tsa tsone di ikgogela kwa morago mo tirong e. Mo go tse dingwe, Kgosi Ketshotseng o supile fa a sa itumedisiwe ke dintsa tse di gobeyang mo motseng di sena tlhokomelo ka di ba tshedisa bokete gonne di bolaya leruo segolo jang dipudi le dinku. A re tshenyo e e bakiwang ke dintsa tse e a ama fela thata ka mo kgweding eno ya Lwetse, ba setse ba kwadisitse palo e feta masome a mabedi ya leruo le le bolailweng ke dintsa tse. Kgosi Ketshotseng a re se se utlwisang botlhoko le go feta ke gore dintsa tse ga di bolae pudi kgotsa nku e le nngwe fela di kgona go bolaya dihutshane di feta botlhano.Bokhutlo
society
9
Mananeo a tlodisa melatswana-kgosi
Mananeo a puso a nyeletso lehuma a tsweletse ka go amogelwa sentle mo metseng ka go farologana mo lefatsheng la Botswana. Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi ya Tobela Major Kgotlayame Mphoyakgosi o boletse fa mananeo a puso a nyeletso lehuma a tsweletse sentle mo motseng, segolo jang a dihutshane ka gore one ga a tlhoke metsi a a phepa le motlakase, dilo tse pedi tse di seyong mo motseng wa Tobela. Go sale foo, Kgosi Mphoyakgosi o supile matshwenyego ka bogodu jwa leruo bogolo jang jwa dihutshane. O tlhalositse fa mo ngwageng ono, go setse go utswilwe dipodi di feta masome a matlhano, mme mo tiragalong e e neng ya gakgamatsa ba le bantsi gone ga utswiwa dipodi di le masome a mabedi le bosupa ka nako e le nngwefela ke bana ba Tobela ba dirisana le ba metse e e mabapi. O tlhalositse gore e re ntswa dilalome tse di utswang leruo di tshwarwa ke ba sepodisi mathata e nna tiego ya ditsheko ntswa bosupi bo le teng. Mo go tse dingwe kgosi o supile fa a itumedisiwa ke gore motse wa gagwe o akareditswe mo metseng e e amogetseng molelo wa Kgolagano ka kgwedi ya Seetebosigo. Kgosi Mphoyakgosi o boletse fa molelo wa kgolagano o gokagantse motse wa Tobela le metse e mengwe mo Botswana bogolo jang ka gore go na le batho ba ba sa itseng gore go na le motse o o bidiwang Tobela. O tlhalositse fa motse wa Tobela e le motse wa Bakaa o o simolotseng mo lentsweng la Manale ka dingwaga tsa bo 1800. Fa Bakaa ba ne ba fuduga mo lentsweng leo bangwe ba ne ba fudugela ko Shoshong mme bangwe ba fudugela fa Tobela a leng teng gompieno.
economy_business_and_finance
3
Moimana ke galase - mabutswapele
lick to see more pictures Batswana ba kile ba bo ba na le ditsela tse di faphegileng tsa go dira dilo, mme tlhabologo ya fetola tse dingwe. Kwa Sehunou, dikhilomithara di ka nna masome a mararo Borwa jwa Serowe, matlhogotshweu a tlhalositse mo potsolotsong fa kgodiso ya ngwana wa mosetsana e ne e le tiro e e masisi, e batlapele ba morafe wa Basarwa ba neng ba e dira ka manontlhotlho. Mongwe wa bagodi ba motse oo, Mme Kokowe Galetlhaloganye, yo o tshotsweng ka ngwaga wa 1936, a re ka nako ya fa bone ba fatlhoga, e ne e re ngwana wa mosetsana a sena go rupa kana go simolola go bona setswalo, a bewe leitlho thata go ela tlhoko diphetogo dipe tse di ka diragalang mo go ene. A re se segolo se se neng se lejwa e ne e le boimana. A re go ne go le botlhokwa gore go lemogwe fa boimana bo santse bo le bo sha ka jaana a ne a tlhoka go fiwa tlhokomelo e e faphegileng gore boimana le pelegi di tsamae ka thelelo. Mme Galetlhaloganye a re go ne go silwa moretologa mme o tlhakanngwe le mafura a phofu go sidila moimana. A re moretologa o ne o dirisediwa gore o na le mafura ka bo o ne mme fa o tlhakane le mafura a phofu, go ne go tshwana fela le mafura a a dirisiwang mo nakong eno a vaseline. Mosadimogolo Galetlhaloganye a re ka ba godile go ise go nne le ditirelo tsa botsogo tse di leng teng gompieno, bomme ba ne ba belegisetswa mo lwapeng, tiro e a boletseng fa gantsi e ne e dirwa ke basadibagolo. Le fa go ntse jalo, a re diemo di ne di etle di patike gore motho ope fela wa mme a belegise mongwe ka ene fa go ne go ka tshokane go sena mosadimogolo gautshwanyane. “Nna nkile ka belegisa nkgonne re tswa Serowe a bo a tlhaelela mo tseleng. Le fa ke ne ke le mmotlana ebile ke sena ngwana nako eo, ke ne ka dira jaaka ke ne ke rutilwe nako ya fa ke aloga,” Mme Galetlhaloganye a tlhalosa. A re morago ga moo, o ne a tshwelela a nna a belegisa go fitlha jaanong go sa tlhole go belegelwa mo malwapeng. Sengwe sa botlhokwa se a kaileng ba ne ba se dira fa ngwana a sena go tsholwa, e ne e le go tlhomamisa gore ba thibela ngwana go tshabelelwa ke mopalo. Mme Galetlhaloganye o tlhalositse fa mmangwana le rangwana ba ne ba tlhabiwa ditlhabo ka legare mme madi a bone a tlhabelwe mo ngwaneng. A re go dira jalo e ne e le go tsenya ngwana menontshane, mme ngwana yo o dirilweng jalo o ne a gola a le montle, nama ya gagwe e kgatlha leitlho. Letlhogoputswa le lengwe, Mme Romola Tsoroxee yo le ene a neng a belegisa, a re moimana o ne a tsewa jaaka galase, a sa rwale bokete ebile a otlwa gore a seka a tlhaela dikotla mo mmeleng. Le ene fela jaaka Mme Galetlhaloganye, o ne a supa fa go ne go le botlhokwa thata go tsenya lesea madi a batsadi ba lone go itsa mmopamo. Mme Tsoroxee, yo o ngwaga di masome a supa, a re go tlhabela ngwana madi a batsadi ba gagwe e ne e le molemo o motona, mme e ne e re ngwana a dirilwe jalo a tsenye mmele ka bofefo mme a nne montle. Mme Maiyoyoo Sebodisakgokong, yo a leng mogoloe Mme Tsoroxee le ene o supile fa ka nako ya bone ba ne ba sa itse sepe ka dikokelo mme ba belegela fela mo malwapeng. A re bontsi jwa thaka tsa gagwe ga ba ise ba belegele kwa bookelong. Monna wa ga Mme Tsoroxee, Rre Makholo Gonoga, ene o gateletse fa moimana a ne a fepiwa ka dibapalwa nageng jaaka motsotsojane, sekopane, morama, mohubala le tshuga go mo nonotsha le go ipaakanyetsa tiro e e bokete ya pelegi. A re gape go ne go na le melemo ya setso e e neng e dirisiwa ka nako ya boimana kana morago ga pelegi go tswa mo go reng seemo ke se se ntseng jang. “Fa mosetsana a sena go belega, mme rraagwe ngwana a le matlhomatlho, re ne re nosa ngwana molemo o o bidiwang phate gore rraagwe a seka a mmakela bokoa,” Rre Gonoga a tlhalosa, a supa gape le gore fa moimana a ka senyegelwa le gone o ne a alafiwa go itsa go tsenya monna bolwetse. “O ne a epelwa ditlhare a bo a di sielwa, e seng jalo o ne a ka tshuba monna dirope, a mo tsenye bolwetse fela jo motho yoo a neng a ka felela a sule,” Rre Gonoga a tlhalosa. A re metlha e fetogile, ga go sa tlhole go na le ope yo o belegisediwang mo lwapeng ka ntlha ya malwetse. A re go tlhagoga ga mogare wa corona bone e le batho ba maloba, go ba tsentse tsebetsebe ka go ba bontsha fa diphetogo tsa botshelo di tsaya phekelo e sele ebile ba sa tlhole ba di tlhaloganya.
education
4
Babapadi ba phane ba tlaa tseelwa dikgato
Molomaganya ditiro tsa lephata la tshomarelo tikologo le matlotlo a ditsa-tlholego mo kgaolong ya legare, Rre Kebagaisitse Mapena, a re batho ba ba tsweletseng ka go bapala phane ba sena diteseletso ba tlaa tseelwa dikgato. Rre Mapena o boletse mo potsolotsong gore, batho bangwe mo dikgaolong tsa Boteti, Tutume, Masunga le Borwa ba na le mokgwa wa go bapala phane le mororo ba sena diteseletso. A re ba ba inaakantseng le go dira jalo ba ka lefisiwa sekete sa dipula kana ngwaga mo kgolegelong, kana dikatlholo tseo di tsamaya mmogo. O tlhalositse fa lephata la gagwe le dirile P16 714 ka go neela batho diteseletso tsa go bapala phane mo dikgaolong tsa lefatshe leno ngogola ka kgwedi ya Sedimonthole. Rre Mapena o tsweletse ka go kopa Batswana ba ba itshetsang ka go bapala phane gammogo le ba ba gwebang ka yone, go nna ba ipega mo dikgosing, beng ba masimo le meraka e ba bapalang phane mo go yone go hema dikgotlhang fa gare ga bone le beng ba metse e ba bapalang phane mo go yone. A re go ipega mo dikgosing go ka ba thusa ka jaana ba ka kgona go kaelwa kwa phane e leng teng le go ba namola kana go ba tswa mokgosi fa bangwe ba bone ba timetse mo sekgweng. Rre Mapena o rile le fa phane e dikile e seyo mo dikgaolong di le mmalwa ntateng ya leuba le le bakilweng ke go tlhoka dipula, gone Batswana bangwe ba kgonne go tswa ka sengwe. Le fa kgaolo ya Shoshong e sa tlwaelesega ka go nna le phane, kgosi Gofaone Khukhwane wa Kodibeleng o tlhaloseditse ba BOPA fa banni ba Kodibeleng le meraka e e mo tikologong ba dikile ba bapetse phane kwa merakeng ya Merolo,Masowa le Mosoke. Kgosi Khukhwane o rile le fa go sena ditlhare tsa mophane kwa kgaolong eo, seboko sa phane se itshetsa ka matlhare a magonono. E re ka go dikile go gosomane dipula tse dinamagadi mo dikgaolong tsa bokone botlhaba le legare tse e leng tsone boremelelo jwa phane, Rre Mapena o bolela fa go tlaa dika go nnile le phane e ntsi ka kgwedi ya Moranang mono ngwaga. BOKHUTLO
society
9
Dikgosana di tla atswiwa
Kgosi ya Letlhakeng, Rre Itsoseng Gaoonwe, o supile fa dikgosana tsa tetlanyo tse di ntseng di ithaopile di tlaa atswiwa. O buile seo fa a ile go tsaya leina la kgosana ya tetlanyo e ntseng e ithaopile kwa kgotlang ya Goo-Moatlhodi kwa Khudumelapye. Kgosi Gaoonwe o supile fa puso e lemoga boithaopo jwa dikgosana tsa tetlanyo ke jaaka e na le thulaganyo ya go ba atswa. O kaile fa puso e ka se atswe dikgosana tsotlhe nako ele nngwe. O ne tlhalosa fa a tsile go tsaya bosupi jwa gore Rre Dikakanyo Gaoswediwe wa kgotlana ya Goo Moatlhodi ke ene a ntseng a ithaopile go ele kgosana ya tetlanyo. Fa ba mokgwa dikgaba mongwe wa ba kgotlana eo Rre Basia Dipolelo o ne a supa fa ba amogela gobo kgosana ya bone e tla atswiwa ke puso ka a sale a ithaopa lebaka le le leele. O ne a supa fa gone gole maleba gore e nne ene yo a tlhatlhamang rraagwe gona le Rre Dikakanyo Gaoswediwe yo e leng rangwanaagwe.Go mo kgwa dikgaba Rre Angry Lempodi o nea supa fa ene yare ba tlhopha leina la ga Rre Dikakanyo Gaoswediwe go ne ga seka ga nna le ngongora. O ne a supa fa a gakgamala go kopana le dikngongora morago ga lebaka le le kana kana kgosana eo e ithaopile mme go sena mongongoregi. Mongwe wa ba lelwapa la kgotlana eo Rre Diteko Gaoswediwe one a supa fa ele nnete kgosana ya bone ena le lebaka le le leele e ba ithaopetse.O kaile fa Rre Dikakanyo Gaoswediwe a ne a ba letlanya go sena ope yo o kgatlhanong le ene. O kaile gape fa bane ba bitsa morafe wa kgotlana eo go tlhopha leina la kgosana mme ba tlhopha Rre Gaoswediwe yo e leng kgosana le ka sebaka se. Mo mafokong a gagwe a malebo Kgosi ya Khudumelapye Rre Edwin Ramokobetwane o ne a supa fa a lebogetse tshwetso ya puso go atswa dikgosana tse di ntseng di ithaopile. O kaile fa e sale a lela gore go atswiwe dikgosana.
politics
7
Kereke ya Morning Star Apostolic e aba ntlo
Kereke ya Morning Star Apostolic Church Of Christ e abetse Mme Dineo Monare wa Sefhophe ntlo. Fa amogela ntlo eo ka Matlhatso, mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi, o ne a akgolela kereke eo go supa tumelo e e nang le ditiro. Rre Molefhi o tlhalositse fa kereke e tshwanetse go thusa setshaba, mme a e gwetlha go tswelela ka go bereka le puso go thusa go nyeletsa lehuma le go fa batlhoki seriti. Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Mmadinare, Rre Kefentse Mzwinila, o ne a lebogela kereke seabe sa yone mo go tlhabololeng motho. Moeteledipele wa dikereke tsa semoya, Rre Phillimon Motlhagodi, a re dikereke tsa semoya di bone go le maleba go thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. A re fa e sa le go simolola ka kgwedi ya Ferikgong monongwaga dikereke tsa semoya di abile matlo a le lesome le boraro lefatshe ka bophara. O ne a tlhalosa gore dikereke tsa semoya di tsamaelana le tshetlana ya tebelopele ya ngwaga wa 2036 ya go aga itsholelo ya boleng ka go nyeletsa lehuma. Moeteledipele wa kereke ya Morning Star Apostolic Church Of Christ mo Selebi Phikwe, Rre Molosiwa Molosiwa, a re ba ne ba gwetlhwa ke seemo sa ga Mme Monare, mme ba tsaa maikarebelo a go kokoanya madi go mo agela ntlo. O ne a re ke nako ya gore kereke e tsenye letsogo go inola ba ba tlhokang mo molelong wa khumanego, mme a kgothatsa bakeresete go nna le bodiredi le go emisa mokgwa wa go batla go ikhumisa ba itlhokolositse ba ba tlhokang. Fa a ntsha la gagwe, Mme Monare o ne a leboga kereke ya Morning Star a tlhalosa fa a ba leba jaaka batsadi ba gagwe, ntswa a sa tsene kereke eo. O ne a ba kopa go tswelela ba supa mowa wa lorato go ralala lefatshe la Botswana ka go na le ba bangwe ba ba tlhokang. E re dikgang di eme jalo, Rre Mzwinila, yo gape e leng tona ya tsa lefatshe, o ne a bolela fa puso e na le molao kakanyetso wa go fetola ditsetlana dingwe mabapi le go abela dikereke ditsha. A re puso e lemogile fa molao o o teng o baa dikereke ka fa mosing, mme seo se tla ama maikarabelo a mantle a di a tsayang jaaka go inola Batswana mo lehumeng. Ene erile go le pele, moeteledipele wa dikereke tsa semoya mo Botswana, Rre Motlhagodi a tlhalosa fa puso e le maoto a tshupa go ba abela lefatshe. O ne a re seo se tla folodisa mangwe a maitlamo a bone a go tlhabolola lefatshe le go thusa setshaba. BOKHUTLO
religion_and_belief
8
Tsayang thuto tsia - Ramotlabaki
Kgosi Samuel Ramotlabaki wa Gamodubu mo kgaolong ya Kweneng o kgothaditse batsadi ba motse oo go tlhoafalela go tsenya letsogo mo thutong ya bana. Kgosi Ramotlabaki o buile jaana mo phuthegong ya batsadi, barutabana le bana ba mephato ya borataro le bosupa kwa sekoleng se sebotlana sa motse oo bosheng e e neng e rulagantswe ke bagolwane ba thuto ba kgaolo ya Kweneng. Kgosi o supile fa batsadi e le bone ba ba tshwanetseng go rwala ditlhabololo tsa sekole ka magetla a re ke bone beng ba motse mme barutabana bone ba tsena ba tswa. E rile a itebaganya le bana, kgosi a supa fa lefatshe la Botswana le tlhaelelwa ke bomaitseanape ba ba farologanyeng, ka jalo le sa ntse le patelesega go thapa bomaitseanape go tswa mo mafatsheng a sele. A re ka jalo lefatshe le beile mo go bone gore e nne bone ba ba tlaa tsogang ba dira ditiro tsa bomaitseanape. E rile fa a tswa la gagwe, mogolwane mo lephateng la thuto, Rre Mokwadi Tese a gatelela fa go le botlhokwa go tshwaraganela ngwana ka ke tlholego ya setho. A re ngwana yo o sa tshwaraganelweng o nna makgasa, ditokitoki mme a tlhoke go dira sentle mo dithutong. O boletse fa go tlhoka go tsena diphuthego ga batsadi e le nngwe ya ditsela tse di dirang bana makgasa mo sethong ka go ama maikutlo a bone, selo se a reng se baka go tlhoka boitekanelo jwa go emela ditlhatlhobo. Rre Tese o kgadile a sa kgwe mathe batsadi ba ba buang barutabana leswe, ka a re puo nngwe le nngwe e bana ba e utlwang ka morutabana, ba a e dumela mme ba e tseele le mo dithutong tsa bone. “Go dira jaana, go paledisa ngwana go ithuta ka a sa bone morutabana ka sepe fa a ruta,” a gatelela. A re mo dinakong tse dingwe batsadi ba kgoba bana marapo ka go bua puo e e senyang barutabana, bagolo ba bangwe le baeteledipele ba morafe tota ba akaretsa dikgosi. BOPA
education
4
Bagwebi ba ba botana ba amogela madirelo a magolo
Kgorogo ya mabentlele a magolwane mo lefelong e lejwa e le tlhabologo e e tlaa tlhamelang banana ditiro. Le fa go ntse jalo , dipatlisiso di supa fa kgorogo ya mabentele a go tshwana le ao, gantsi go gomagometsa go nyeletsa bagwebi ba babotlana, mme seo se ntsifatse letlhoko mo malwapeng ka motswedi wa madi o tlaa bo o kgadile. Mme se, ga se diragalele banni ba Monarch mo francistown. Bagwebi ba babotlana ba tlhalosa fa ba itumelela tirisanyo mmogo le mogwebi wa marekisetso a Shoprite U-save a a tsileng mo kgaolong ya bone bosheng. Mo potsolosong le BOPA, bagwebi ba ba botlana ba ba ikaegileng ka go rekisa maungo le merogo, go akaretsa le ba kapei ya dijo le dimausu ba tlhalosa fa kgorogo ya lebentlele la Shoprite Usave e sa gomagometse go nyeletsa dikgwebo tsa bone ka nngwe tsela mme ba itemogetse kgolo ya kgwebo fa esale marekisetso a tlhongwa mo motsaneng wa bone. Mme Thembi Mugonzo yoo tsamaisang semausu, a rekisa magwinya, ditapole le tse dingwe tsa kapei, o tlhalosa fa kgorogo ya lebentlele le ele tlhabololo e ba sa bolong go e emela e le bagwebi ba babotlana mo Liquor Shopping Complex.. Mme Mugonzo o tlhalosa fa dikgwebo ka bontsi di ne tsa itemogela koketsego ya letseno ka bontsi jwa batho jaanong ba ne ba tla go reka dilwana mo lebentleleng leo, mme ba fete ka bone go reka tse ba di rekisang. Mme Mugonzo o tlhalosa fa a itumelela gore lebentlele le le bo le sa rekise dilwana dingwe tse di rekisiwang ke bagwebi ba babotlana jaaka marotho, dijo tse di apeilweng le tse dingwe. A re seo se supa tirisanyo ya lebentlele le banni ba motse ka e bile banana ka bontsi ba itshetsa ka go rekisa dijo. E re ntswa bontsi jwa bagwebi ba babotlana ba sa tlhole ba tsaya maeto a maleele go reka tse ba di tlhokang mo kgwebong, boammaruri jwa kgang ke gore bagwebi bangwe ba supa fa golo gongwe dipoelo di koafala. Se se tlhalositswe ke Mme Elda Mabunu, wa dingwaga tse di masome marataro le bosupa. Mme Mabunu a re ere ntswa letseno le a neng a le bona mo semausung le ne le se kalo, o itemogetse tiego ya theko mo dilwaneng dingwe ka jaana di tlhwatlhwa tlase mo lebentleleng le. Le fa go ntse jalo, a re tswakanyo kgwebo ke leano lengwe le le bolokileng kgwebo ya gagwe. BOPA
economy_business_and_finance
3
Ba akgoletswe mowa wa bopelotlhomogi
Babereki ba sekolo se se botlana sa Tawana kwa Orapa ba akgoletswe go supa mowa wa lerato le kutlwelobotlhoko ka go agela bana ba mawelana ntlo ya dikamore tse tharo. E rile a bua kwa pulo semmusong ya ntlo eo bosheng, mogolwane wa Botswana Chamber of Mines Rre Charles Siwawa a bolela fa a leboga babereki ba sekole seo ka mogopolo wa bone wa go simolodisa lenaneo la kago eo ka 2007. Rre Siwawa a re ntlo eo, e agetswe bana bao ba eleng basimane ba babedi le mosetsana ka ba tlhokile lesego gonne ba tlhokafaletswe ke mmabone fa a sena go belega mme mo nakong eno ba tlhokomelwa kwa SOS kwa Francistown. O tsweletse a re le ntswa ba kopane le dikgwetlho ba atlegile mo go ageng ntlo ya seemo se se kwa godimo ya bo ya gokelwa metsi le motlakase. O tsweletse a re babereki bao ba dule ka mogopolo wa go tlhokomela bana ba mme ba laletsa setshaba le ba-na-le seabe ka kakaretso ba ba neng ba kopa dithuso mo dikomponeng ka go farologana mo go dirileng gore tiro e atlege. Rre Siwawa a re lehuma le ntsha motho seriti ke sone se tautona wa lefatshe leno a itlamileng go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo go fitlhelela tebelopele ya 2016. E ne yare a fa lefoko la kgothatso, tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Slumber Tsogwane a rotloetsa bana bao go nna le tsholofelo mo botshelong ka kitso ya gore go latlhegelwa ke motsadi ga go reye gore ba setse ba le nosi ka Modimo o na le bone. Tona Tsogwane a re Modimo o dira tiro ya one a dirisa batho jaaka setshaba se kopane go supa mowa wa kutlwelo botlhoko ka go agela bana ntlo ka ba ne ba bona gore ba tlhoka thuso, a re go dira jalo go ba ntshitse lehuma le bosiela. O tsweletse a rotloetsa ba ba nnileng le seabe mo kagong e go tswelela ba thusa ba bangwe ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. Mongwe wa barutabana, Mme Baba Moloi a re Mme Anna Maswikiti le ba lelwapa la gagwe ba ne ba ba bona bana bao kwa sepateleng sa Orapa mme go tlhalosiwa fa mmaabone a ba tlogetse, jalo ba itlama go ba thusa. A re ba kokoantse madi ka ditsela tse di farologaneng mme ba kgona go fetsa ntlo ka tshwaragano le setshaba ka kakaretso. BOKHUTLO
education
4
Mogonono o atla maduo a twantsho borukutlhi
Kgosi ya Mogonono mo kgaolong-potlana ya Lentsweletau, Mme Goitseone Sekgwa, a re lekgotla la twantsho borukutlhi mo motseng wa gagwe le dira sentle. E rile a bua mo potsolotsong ka Labotlhano, kgosi a akgolela lekgotla leo go dira ka natla e bile ba dira tiro ya bone ka dipelo tse di phuthologileng. A re lekgotla la twantsho borukutlhi la motse oo le dirwa ke banna le basadi ba ba itlamileng go sireletsa motse wa bone mo borukutlhing mme o boletse fa maloko a, a dira tiro ka go tshwana go sa kgathalesege gore ke ba bong bofe. Mme Sekgwa a re motse wa gagwe o o ntseng o sena mapodisi o thusiwa gape ke go bewa ga mapodisi a a tlhokometseng leruo la bogodu le le sa ntseng le tshegeditswe mo motseng oo, mme o supile fa maloko a, a dira tiro ya bone bosigo le motshegare ka tshwaragano le one mapodisi a. Le fa go ntse jalo, kgosi o supile fa borukutlhi e le selo se se tshwenyang thata gongwe le gongwe e bile gose motlhofo go bo nyeletsa. A re mo motseng wa gagwe, ba tshwenngwa segolo bogolo ke bogodu jwa leruo le tshwana le dikgomo, dipodi le ditonki. O boletse fa borukutlhi bo tshwana le go kgothosa le go thuba matlo bo wetse tlase jaaka fa e sale go simolodisiwa lekgotla la twantsho borukutlhi. E re go ntse jalo, Kgosi Sekgwa o supile matshwenyego mo tirisong ya nnotagi ke banni. Kgosi a re o tshwenngwa thata ke gore banana ba di goga kwa pele mo tirisong botlhaswa ya nnotagi. A re gangwe le gape, e a re morago ga maitiso go nne le go rumulana mme go felele go lolwe, selo se a reng ga se age motse. Mme Sekgwa o ne a ikuela mo bananeng go fokotsa tiriso botlhaswa ya nnotagi mme a tlatsa ka go bua mafoko a motlapele a a reng “lemphorwana la bojalwa ga le fofe”.
crime_law_and_justice
1
Go runya ga dikereke go tshwenya khansele
Mokhanselara wa Bojanala mo kgaolong ya Nhabe, Rre Luke Motlaleselelo a re khansele e tshwentswe ke go runya ga dikereke tse di felelang di tsenela gongwe le gongwe mme di tsosa modumo. O kaile jalo kwa phuthegong e e neng e tshwaraganetswe ke khansele le baruti go tla go ngunaguna ka seemo se. Rre Motlaleselelo a re sebe sa phiri ke gore dingwe tsa dikereke ga di a sala tsamaiso morago. A re dingwe di tsenela mo malapeng fa tse dingwe di obamela mo dikgweng kwa go senang le fa e le ntlwana ya boitiketso mme seo se baya le yone tikologo mo diphatseng. Rre Motlaleselelo o kaile fa ba lemoga botlhokwa jwa dikereke mo tlhabololong lefatshe le go bopa setshaba mme a gatelela botlhokwa jwa go rarabolola dikgwetlho tse di lebaneng dikereke. Le fa go ntse jalo, bagolwane ba lephata la ikwadisetso mekgatlho ba ne ba gakolola dikereke go kwadisa semmuso gore ba kgone go obama ba phuthologile. Dikereke di ne tsa tlhalosediwa ka ditsetlana tsotlhe tse di tlhokegang gore ba kgone go ikwadisa. Modulasetilo wa lekgotla le lebotlana la kabo ditsha mo Maun, Rre Obusitswe Ntirelang o gwetlhile dikereke go ikopela ditsha tsa go aga mafelo a kobamelo, a tlhalosa fa gantsi ba phatlalatsa ditsha tsa go nna jalo mo metsweding ya dikgang gore ba ba nang le kgatlhego ba ikopele. O tlhalositse fa ba kabo ditsha ba itemogetse fa lefatshe le dirisiwa ka mokgwa o e seng one, a supa fa go dirisa lefatshe e se ka fa molaong go ka atlholelwa P10 000 kana kgolegelo. Mogolwane go tswa kwa lephateng la botsogo le tikologo, Rre Tshireletso Koitsiwe ene o tlhalositse fa ba tlaa simolola go etela dikereke go tlhola gore a ditlamelo tse di tshwanang le metsi, matlwana a boitiketso, ditimamolelo le tse dingwe tse di tlhokegang di teng. A re fa di seyo ba tlaa tsaya dikgato. A re go botlhokwa gore dikereke di nne le dithini tsa matlakala mme a supa fa bone ba sena thulaganyo ya go ba tseela matlakala ao. A re go mo maruding a dikereke go bona gore ba thapa dikompone tse di ka ba thusang. Ka jalo maloko a lekgotla la baruti le bodiredi ba dumelane gore dikereke tse di kerekang di sena teseletso di tswalwe go simolola Moranang a rogwa. Modulasetilo wa lekgotla la baruti, Prophet Thato Elias wa kereke ya Gates of Heaven Network a re ga ba a tshwanela go tlola molao e le bogogi jwa dikereke. A re o ipotsa gore dikereke di kgona jang go bula mabolokelo kwa dibankeng basa ikwadisa. A re batho ba go nna jalo ke bone gape ba ba sa dueleng lekgetho. O kopile gape gore dikereke tse di tswang kgakala di direla mo malwapeng mme di kile tsa kopa ditsha ka mabaka mangwe di thusiwe. Bokopano joo gape bo dumalane gore ope yoo tlang mo kgaolong ka maikaelelo a go simolodisa kereke a tsene pele ka lekgotla la baruti le komiti e e tlaa tlhangwang e na le baruti le bodirela puso. Moruti Hitller Kanyeto wa ST John mo Maun o ne a kopa gore e re ka go lebega baruti ka bontsi ba sa itse ka melawana eo ba neelwe nako ya gore ba ye go ipaakanya.
religion_and_belief
8
Go amusa ka lebele go siametse mmangwana
Go amusa ka lebele go botlhokwa e seng mo leseeng fela le mo mmangwaneng gonne go fokotsa tatlhegelo ya madi ka go dira gore popelo e boele mo mannong ka bonako morago ga pelegi. E rile a bua mo segopotsong sa go amusa ka lebele kwa Mmashoro bosheng, molomaganyi wa botsogo jwa setshaba mo sepateleng sa Sekgoma, Ngaka Onkgopotse Oduetse o ne a tlhalosa fa go amusa ka lebele go fokotsa dintsho tsa bana tse di bakiwang ke go tlhaela dikotla ka bana ba tlaa bo ba tsaya dikotla tsotlhe tse ba di tlhokang mo mashing a lebele. A re setshaba sotlhe se tshwanetse sa tsaya boikarabelo jwa gore go amusa ka lebele go a amogelesega mme ba ka dira se fela ka go fa bomme thotloetso. Ngaka Oduetse o tlhalositse fa mashi a lebele a na le dikotla tsotlhe tse ngwana a di tlhokang ka jalo ngwana o tshwanetse go amusiwa ka lebele go fitlhelela a nna dingwaga tse pedi. O tsweletse a re bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano ba tshabelelwa ke tlala le mmopamo mme fa ba amusiwa ka lebele ba kgona go fema seemo se. O tlhalositse fa mashi a lebele a thibela malwetse le megare mo ngwaneng, bogolo jang a ntlha a kgatsele ka a thusa go baakanya moalo wa mala gore o nonofe o ipaakanyetse go tshwara dijo tse di tiileng tse ngwana a tlaa di jesiwang morago ga dikgwedi tse thataro. Ngaka a re go amusa ka lebele ga go sologele lesea le le nosi molemo go botlhokwa le mo mmangwaneng ka go se motlhofo gore a nne le kankere ya lebele le ya molomo wa popelo. O tlhalositse fa mme yo o amusang a tsaya lobaka go bona setswalo ka jalo bogologolo bana ba ne ba katolosiwa sentle ka ba ne ba amusiwa lobaka mme gape go dira jalo gone go o fa mmele wa mme sebaka sa go boela mo mannong. O tsweletse a tlhalosa fa go amusa ka lebele go fokotsa go leswafatsa tikologo, ka mashi a lebele a sa tlhoke madirelo kgotsa mabotlele a e tlaa a reng kwa bofelong a leswafatse tikologo. Ngaka Oduetse o gakolotse gore ngwana o tshwanetse go simolola go amusiwa ka lebele oura ya ntlha a sena go tsholwa ka go dira gore mme le lesea ba nne le kgolagano e e yang go tswelela le fa ngwana a sena go gola ka ba tlaa bo ba tlhaloganyana sentle. A re go bereka ga go kake ga kgoreletsa mme go amusa lesea mashi a lebele, ka o ka a gamela mo sejaneng se se phepa mme ngwana a sala a a sielwa gonne a kgona go nna dioura di ferabobedi a ntse a siametse go ka sielwa ngwana. O tlhalositse fa mme yo o nang le mogare le ene a sa kgoreletsege go amusa ngwana ka lebele, ka a re ba bongaka ba a bo ba beile seemo sa gagwe leitlho go netefatsa gore o tsaya kalafi ka fa tshwanelong go thibela mogare go fetela mo leseeng ka nako ya fa a amusiwa ka lebele. O kgadile thata bomme bangwe ba ba sa amuseng ka lebele ka ba re ba tshaba gore mabele a bone a tlaa tswa mo setshwanong, mme a tlhalosa gore mabele a tshwanetse go wa go sa kgathalesege gore a motho o amusitse kgotsa nnya. Bokhutlo
health
6
Mapodisi a tlhotlhomisa loso
Mapodisi a Gerald Estate a tlhotlhomisa loso lwa mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mane le borataro wa Jamakata yo go belaesegang a bolaiwe ka Matlhatso bosigo. Mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi ao, Superintendent Edward Leposo, o tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse bosigo jwa Matlhatso ka jaana ba begetswe mo go le le lelateng. Superintendent Leposo a re ba tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le borataro go ba thusa ka ditlhotlhomiso mabapi le loso lo.A re ba sa ntse ba le mo ditlhotlhomisong, a tlatsa ka gore mmelaelwa ke motho yo o kileng a nna le melato mengwe e e neng ya mo isa kgolegelong. Superintendent Leposo a re setopo sa mme yoo se kwa setsidifatsing sa sepatela sa Nyangabgwe go tlhatlhojwa ke dingaka. BOPA
crime_law_and_justice
1
Motlhatlhelela dithuto o rotloetsa baithuti
Motlhatlhelela dithuto kwa Francistown College of Technical and Vocational Education, Rre Peace Motshegare o tsweletse ka go tlhabolola thuto ka ditsela tsotlhe tse di kgonagalang. O tlhophile sekole se sebotlana sa Magoriapitse e le maiteko a go kgothatsa baithuti le go tlhabolola thuto. Rre Motshegare o ititeile sehuba go atswa baithuti ba lekwalo la bosupa ba sekole seo ngwaga le ngwaga ba ba fenyang ditlhatlhobo ka letshwao lantlha mo dithutong tsotlhe ka P1 000 mongwe le mongwe wa bone. O ne a tlhalosa fa e tlaa nna makgolo a matlhano a dipula fa ngwana a tsere letshwao la maemo a ntlha (A) mme e se mo dithutong tsotlhe. Rre Motshegare o tlhalositse fa a tlaa dira jalo lebaka la dingwaga tse tlhano e le tsela ya go ba rotloetsa mo dithutong tsa bone gore ba ipetlele tsela ya bokamoso jo bontle. Rre Motshegare o rurifaditse maikano a go dira jalo Motsheganong a le 24 ka go abela baithuti ba le barataro P6 000, e le la ntlha, mo moletlong wa go aba dimpho tseo tsa go dira ka natla. A re o na le toro ya go bona motse wa gagabo o nna le dialogane tse di tswang mmadikole, tse e tlaa reng isago di bo di tshwere maemo a a itumedisang mo setshabeng, a gatelela ka go re bana ba sekole seo ba tlho afale mo dithutong ka jaana thuto e le boswa jo bo sa utswegeng. A re keletso ya gagwe ke gore e re ba wetsa dithuto tsa bone a bone mo go bone go na le ngaka, morutabana le tse dingwe. A re e bile keletso ya gagwe ke gore a tswelele a tlhabolola tiro eo gore e seka ya ema fela ka dingwaga tse tlhano, le gore le one madi isago a ntshe sekete fela le mo ngwaneng wa matshwao a a tlhakatlhakaneng. Rre Motshegare o boleletse bana bao gore ba ka kgona go nna bafenyi fela fa ba na le maikaelelo le maikemisetso mo dithutong, ba le boineelo, ba agegile mowa ka go sala morago dikgakololo tsa barutabana e bile ba na le kutlo kwa lapeng le mo sekoleng. A re mme batsadi ba itse fa thuto e le kgetsi ya tsie, ka jalo go tlhokega gore go nne le tirisano mmogo magareng ga batsadi le barutabana. O ne a supa fa a itumetse go bona bana ba ba fentseng ka letshwao la ntlha ba le barataro mo sekoleng seo, mme a tlhalosa fa keletso ya gagwe e le go bona ba oketsegile monongwaga. O boletse fa a ne a gwetlhega go rotloetsa bana bao morago ga go bona e le ene fela a fentseng dithuto tsa gagwe tsa lekwalo la bosupa ka letshwao la ntlha mo sekoleng seo ka ngwaga wa 1998. Fa a amogela baeng, mogokgo wa sekole seo, Mme Gagontapise Modibedi o boletse fa sekole seo se na le baithuti ba le makgolo mabedi le masome a mane. A re sekole seo se dira sentle le fa go ise go tle mo seemong se se kgotsofatsang, a tlatsa ka go re ba kgona ka ntlha ya tshwaragano ya batsadi le barutabana. BOKHUTLO
education
4
Mapodisi a tlhotlhomisa banna ba le bararo
Mapodisi a Werda kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa a tshegeditse banna ba le bararo mabapi le go fitlhelwa ka matlalo a go belaesegang e le a mangau le setlhatshana se go belaesegang e le motokwane. Mookamela mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia, o tlhalositse fa mapodisi a ne a tshwara banna bao ba ba neng ba tsamaya ka koloi ya modiro wa Honda Filt mo tseleng ya Draaihoek /Kisa morago ga go longwa tsebe ke bangwe. Superintendent Ramatsia o supile fa banna bao ba ba leng bararo ka palo, mongwe wa bone e le morutabana fa ba babedi ba tlholega kwa Makopong. Mookamela mapodisi a Werda o boletse fa e ne ya re mo go phuruphutsheng ga mapodisi ba fitlhela matlalo a mabedi a go belaesegang e le a mangau mo koloing e ba neng ba tsamaya ka yone le mophutwalana wa setlhatshana sengwe se se tala se go belaesegang e le motokwane kwa ntlung ya yo mongwe wa bone. Superintendent Ramatsia o tlhomamisitse fa mo nakong ya gompieno ba isitse matlalo ao le setlhatshana seo kwa baitsanapeng go a tlhatlhoba. Rre Ramatsia o kaile fa ba sa ntse ba tshegeditse banna bao ba dingwaga tse di magareng ga masome a mararo le bobedi le masome a mararo le bosupa go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le tiragalo eo .
crime_law_and_justice
1
Tsela e ketefaletsa badiri botshelo
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Goshwe mo kgaolong potlana ya Tutume, Rre Molebi Rebobonye, o lekodisitse Tona wa Lephata la Dipalamo le Ditlhaeletsano, Rre Nonofo Molefhi ka ditlamorago tsa seemo sa tsela ya Goshwe/Tutume. Rre Rebobonye o buile seo mo phuthegong ya kgotla ka Mosupologo e e neng e buiswa ke Tona Molefhi. Rre Rebobonye a re bontsi jwa bodiredi ga bo batle go berekela mo motseng, ka lebaka la tsela, ba lebile gore go thata go isa bana ba bone kwa dikoleng, go ya dibankeng, marekisetsong le go bona ditlamelo tse dingwe tse di botlhokwa kwa Tutume. A re se se baka gore go nne le diphatlha mo dikoleng tse di tsayang lebaka go thijwa, mme go feletse go thaphiwa barutabana ba nakwana, a tlatsa ka gore seo se ama maduo a baithuti. Rre Rebobonye a re ba itemogetse matshwenyego le go ikgogela morago ga bangwe ba ba rekisetsang makalana mangwe a puso dithoto, ka dikoloi tsa bone di senyega kgapetsa kgapetsa ntateng ya seemo sa tsela. O tsweletse a re maiteko a go tshwara diphuthego mo makalaneng a puso a a tshwanang le kgotla, dikole le a mangwe, ga a tswe maduo ka lebaka la gore batho ga ba di tsenelele ka bontsi, a tlatsa ka gore bangwe ba tla thari ba diilwe ke yone tsela eo. A re maiteko a puso a gore ba ka thusana ka ditsompelo ga a ba thuse ka sepe ba lebeletse bese ya kgaolo ya Tutume, ka gore e thusa dikole tse di mo metseng e e nang le sekontere fela, ka jalo bathuti le bodiredi jwa Goshwe bo beilwe ka fa mosing ke lebaka leo. O boletse gape fa koloi ya balwetsi e senyegile, ka jalo go dirisiwa koloi e e bulegileng. A re se se ngomolang pelo le go feta ke fa go tla nako ya balwetsi go tswa mo kokelong ya Goshwe go ya sepateleng sa Tutume. Fa a araba matshwenyego a bone, tona Molefhi o ba solofeditse gore o tla tokafatsa tsela ya bone ka go nna a e gopa, a lebile gone gore ga e na go tshelwa sekonotere go fitlhelela seemo sa itsholelo se tokafafa. A re lephata la gagwe le wetswe ke seru ka bontsi jwa ditsela mo lefatsheng leno di le mo seemong se se sa jeseng diwelang. A re seo se bakilwe ke dipula tse di neleng ka mashetla, a tlatsa ka gore mo nakong e e sa fediseng pelo o tla ba agela dikholobete gore botshelo bo tswelele. Rre Molefhi a re mo nakong ya gompeino puso ga e a ikemisetsa go dira ditsela tse disha fa e se fela go baakanya tse di senyegileng. ona Molefhi a re o tla kopa puso gore lephata la gagwe le ikemele ka nosi ga mmogo le go oketsa lekgetho la leokwane. A re se ke sone fela se se ka mo thusang go dira ditsela tsotlhe tse di mo Botswana. A re fa puso e ka mo dumelela o ka kgona go adima madi kwa dibankeng mme a tla a nna a duela ka lekgetlho mme ka fa ntse a tsweletse ka go dira ditsela. Bokhutlo
politics
7
Bolwetse jwa mabele bo babalela mmaraka
Mogolwane mo lephateng la matlhoko a loruo, Rre Tumiso Siwela a re bolwetse jwa mabele bo babalela mmaraka wa nama. A re bolwetse jo bo digela mmaraka wa nama kwa tlase, ka jalo a kopa gore bo tsibogelwe. Rre Siwela o buile se le banni ba Mokgomane bosheng mo phuthegong ya kgotla e ba neng ba e biditse go tsibosa barui ka bodiphatsa jwa bolwetse jo. A re bolwetse jo bo ama motho le kgomo mme a ba kopa gore ba leke go tla ka tharabololo ya go bo fedisa. A re mo kgomong bo iphitlha mo dikarolong tse di berekang thata di tshwana le ditlhaa, magetla le mo diropeng. “Kgomo e e nang le mabele mo nameng ga o kake wa e lemoga, e gola fela e phatsima go fitlhela e e swa ke gone bolwetse jo bo mo nameng bo bonale,” a tlhalosa. Mo mothong bo nna mo maleng e le seboko. A re seboko se se boleele jwa dimmithara di supa le go feta mme se na le dikarolwana tse di fetang sekete. Rre Siwela a re fa motho a ithoma, karolo e ya kgaoga e bo e tswa, mme fa kgomo e kopana le leswe leo, bolwetse bo tsene mo go yone. A re mo phulong mae ao a nna malatsi a ka tshwara lekgolo, masome a matlhano le boferabongwe a ise a swe fa kwa metsing a tsaya malatsi a le masome a marataro le boferabongwe a santse a tshela. A re bontsi jwa batho ba ja nama e e nang le bolwetse mme bo gole mo teng ga bone. O kopile banni gore ba seka ba itlhoma mo nageng ka gore go dira jalo go gakatsa bolwetse jwa mabele. A re ba ikopanye ba age matlwana a boitiketso bogolo kwa didibeng kana fa matamong gore badisa ba nne le fa ba itlhomang teng go na le go itlhoma fa loruo lo fulang teng. O rotloeditse barui go nna le mowa wa tshwaragano, a re fa ba ka tshwaragana, ba rerisana, ba ka kgona go lwantsha le go fenya bolwetse jwa mabele mo nameng. Mo go tse dingwe, Rre Siwela o kopile banni go dira dikarata tse di ba supang fa ba ruile, a re mo nakong e e atamelang go tlaa bo go se ope yo o ka kgonang go reka melemo ya loruo a sena karata eo. O kopile gape barui gore ba seka ba kokotletsa dikgomo ba sa di rwese manyena ka gore fa ba ka di kokotletsa a ka tloga a ba palela go a reka. Rre Siwela a re ga ba rwesetse morui ope manyena fela ba rutuntsha gore a tsenngwa jang gore morui mongwe le mongwe a itsenyetse. Mongwe wa banni, Rre Piet Gadiutlwe o ne a leboga Rre Siwela le lekoko la gagwe, mme a mo kopa gore a gatelele ntlha ya gore kgomo fa e fitlhelwa ka mabele mo nameng e a tshujwa.
economy_business_and_finance
3
Ntebele ke go lebele e botlhokwa
Ramapodisi wa kgaolo potlana ya Tutume, Superintendent Jerry Halahala, o rotloeditse mowa wa tirisano mmogo ka go dirisa lenaneo la ntebele ke go lebele, segolo bogolo mo badirela pusong. O buile seo mo potsolotsong, a tlhalosa gore go ne ga thujwa matlo a le mabedi a badirela-puso ka malatsi a paseka, ga ba ga utswiwa dithelebishine di le pedi. A re, ga ba ise ba tshwarwe ope mabapi le ditiragalo tseo, mme ba santse ba le mo ditlhotlhomisong. Mo dikgannyeng tse dingwe a re ga ba a ka ba gatisa dikgang tsa dipolaano le tsa dikotsi tsa tsela. Rre Halahala o akgotse Batswana go nna le boitshwaro jo bontle joo, a re ba tswelela ka go godisa mowa o montle oo. O kopile setshaba go tshwaya dilwana tsa bone ka sengwe se batla a kgonang go se supa fa se utswilwe. A re, ntebele ke go lebele ke yone tsela fela e e ka thusang, bogolo jang mo badirela-pusong ka ba itse gore fa ba tsaya loeto kana ba ya malatsing a boitapoloso, ga go na ope yo o tlhokomelang matlo a bone. Rre Halahala a re , go thapa badisa-dikago ba nakwana, le gone go ka thusa fela thata kana go kopa mongwe go sala le ntlo ka nako ya fa mong a seo. BOKHUTLO
crime_law_and_justice
1
Makhansalara a ikana go tlhabolola Bobirwa
Makhanselara a kgaolo potlana ya Bobirwa a re a tla a leka ka tsotlhe tse ba ka di kgonang go tsisa ditlhabololo kwa kgaolong ya Bobirwa. Fa a bula phuthego ya khansele ya Bobirwa kwa Bobonong bosheng, modulasetilo wa khansele, Rre Nathaniel Moribame e bile e le mokhanselara wa kgaolo ya Molalatau a re ba tsile go itebaganya thata le dikhutsana, batlhoki le bana ba ba tlhokang go thusiwa ka mananeo ka go farologana. O supile fa balwetse bangwe ba setse ba amogetse matloa a a sireletsang monang mme e bile lephata la boipelego le setse le ntshitse dithuso tsa mananeo di le lekgolo le masome a mabedi le bongwe di akaretsa madirelo a apayang borotho, a dijo a le lesome le boferabobedi, a moriri a lesome le borataro, a go roka a le masome a mane le bongwe fa a go tlhatswa a le mane fela. Mo mananeong a le masome a mararo le bongwe a a fedileng a le masome a supa a mo tseleng ya go ka fediwa. Rre Moribame a re lephata la banana, metshameko le ngwao le thusitse banana ba le 167 mo kgaolong ya bone. O tsweletse a tlhalosa fa mo kgaolong ya Bobirwa banana ba Tirelo Setshaba ba le 463 mme fa a itebaganya le Ipelegeng gone a tlhalosa fa maikaelelo ele go dira mananeo a farologaneng a le 92 mo kgaolong ya Bobirwa a itebagantse le ditlhabololo. Makhanselara mangwe ba kopile gore maina a ditsela a nne le boleng eseng gore ditsela di bidiwe fela go sa lebiwa sepe. Bangwe ba boletse fa ba tshwentswe ke letlhoko la metsi le sepalamo mo dikokelwaneng tsa Gobojango, Semolale le Mabolwe fa kwa Motlhabaneng gone ba lela ka seemo sa tsela se ba reng se jesetsa morafe mo kgobedung. Mogolwane wa MVA kwa Francistown Rre Keitumetse Nkala a re ba lemogile gore go isa ditlamelo kwa bathong le go ba ruta ka ipabalelo tseleng go botlhokwa mme e bile ke bontlha bongwe jwa go somarela matshelo a setsha kakaretso, a supa gore e tla a re mo bo gaufing ba tshware thuto puisano kwa Bobonong. Mme Dikeledi Bolowe yo eleng mogolwane wa SHHA ene o tlhalositse fa kompone eo e simologile ka 1970 kwa ditoropong ka go adima setshaba P20 000 mme morago ya tsena kwa metseng selegae ka maikaelelo a gore mongwe le mongwe a nne le bonno. O tlhalositse fa ba kopana le kgwetlho ya go sa buseng madi ga batho ba ba a adimileng go aga ditsha tsa bone. A re le ntswa ba ne ba supile fa ba na le leruo le ba tla a duelang ka lone ba bolela fa leruo la bone le bolailwe ke mopalo. BOKHUTLO
politics
7
Moruti o itumelela seabe sa banana
Banana ba kereke ya Evangelical Religious Protestant Unity Church ba akgoletswe seabe sa bone sa go simolodisa kago ya kereke eo kwa motsing wa Mabutsane. Kgothatso eo e dirilwe ke moeteledipele wa kereke eo Arch Bishop Tshenolo Mautle kwa pulong semmuso ya kereke eo kwa Mabutsane ka mafelo a beke. A re kago ya kereke eo kwa Mabutsane e simologile ka ngwaga wa 1994 e simololwa ke lekgotla la banana ba epa mosele selo se a se lebogetseng fela thata, a re e rile morago ga tiro eo ba sekete (branch) ya Mabutsane ba tsweledisa tiro ya kago, e a boletseng fa e tsere lobaka lo lo leele mme kwa bofelong ya wela, ya nna mo seemong sa go ka bulwa semmuso jaaka go diragetse. Archbishop Mautle o boletse fa kago ya kereke eo e lopile madi a a ka tshwarang P250 000, ka gore bontsi jwa tiro bo dirilwe ka boithaopo. Mo go tse dingwe o tlhalositse fa kereke ya Unity e simologile mono Botswana ka ngwaga wa 1959 a re mosimolodi wa yone e ne e le St Archbishop Kenaleeng Katjipaha yo o sa tlholeng a le teng mo botshelong, a tlhalosa fa e na le makalana mono Botswana, Afrika Borwa le Namibia. A re ke kereke e e dirileng molaomotheo o o tlhabolotsweng ka ngwaga wa 1999, mo godimo ga moo e na le dikomiti tse di farologanyeng go tsweledisa le go godisa leina la dikereke tse dingwe tsa yone go dirisiwa lekgotla le le tsamaisang kereke komiti ya ditlhabololo, ya banana le tse dingwe. Archbishop a re e re ntswa kereke eo e simologile go sena dikago tsa borapelelo tsa sennelaruri, ka go ne go dirisiwa maobo, mo nakong eno go a itumedisa go bona dikago di ema ka dinao, ebile kereke ya Mabutsane e le ya boraro go bulwa semmuso a re seo ke sesupo sa gore ditlhabololo di tsweletse pele. O tlhalositse gore mo motsing wa Mabutsane kereke ya Unity e simologile ka ngwaga wa 1963 moeteledipele wa yone e le moruti Mongwaketse Thuku a tloga a tlhatlosiwa maemo go nna mookamedi, mme mo nakong eno e leng Bishop, fa maemo a bookamedi a ntse a tshegeditswe ke moruti Kabunyane Thuku yo o tlhokafetseng bosheng. Erile mookamedi wa kereke eo mo kgaolong ya Ghanzi, moruti Goemeone Mothibi a ntsha lefoko la kgothatso, a kopa maloko a kereke eo go nna batho ba ba itshepileng gore mowa wa lorato o bonale mo go bone, a gatelela ka gore kereke ke lefelo le le boitshepo, mme botlhe ba ba tlang teng ba tlaa segofala fa ba rapela ka tlhwaafalo. Mookamedi Mothibi o kgothaditse maloko a kereke eo go tswelela ka mowa wa boithaopo, ka boithaopo bo le mosola thata mo ditlhabololong le ditiro tsa kereke ka bophara. Modulasetilo wa khansele ya borwa Rre Mephato Reatile le mokhanselara wa Mabutsane/Kanaku Rre Ernest Pule ba ne ba tsene tiro eo. Rre Reatile o ne a abela kereke mpho ya kgomo, podi le nku fa mokhanselara Pule ene go boletswe a ne a ntshitse P500 go le pele go rotloetsa tiro eo. Rre Reatile o ne a kgothatsa maloko a kereke eo go tshwara ka thata mo tumelong go etsa mosimolodi wa yone yo a neng a sa kgatlhegele dikhumo tsa lefatshe fa e se go dira thomo ya Modimo.
religion_and_belief
8
E.R.P unity e rera lorato le tlotlano
Mokwaledi mogolo wa E.R.P Unity Church moruti Tshwaro Morobisi o kgothaditse balatedi ba kereke eo go jwala mowa wa lorato le tlotlano mo kerekeng ya bone a re seo ke sone se ka agang bokamoso jwa kereke le go e godisa, a re gape seo e tlaa bo e le go supa gore ke barata kagiso. A re gape go botlhokwa gore ba tshele ka go rwadisanya merwalo, a fa sekai ka temana nngwe mo baebeleng mo lokwalong lwa ga Johane e e buang ka lorato. Moruti Morobisi o buile jalo fa a ntsha pego ya mokwaledi mogolo mo bokopanong jwa kereke eo kwa Toropong ya Ghanzi bosheng. Moruti a re fa go na le lorato fa gare ga bone go ka ba thusa go gakololana go sena poifo, a gatelela ka gore lefoko kagiso le raya batho ba dira mmogo ka bongwefela jwa pelo ebile le supa tlotlano mo ditsong tsotlhe tsa merafe. Moruti Morobisi o tlhalositse gore moono wa bokopano joo o rotloetsa balatedi ba kereke ya Unity go tshela mmogo ka lorato go sena kgethololo. O tlhalositse fa maikaelelo a go nna teng ga komiti kgolo e le go tsamaisa, go supetsa, go tlhokomela ditlhabololo tsa dikago le go tlhokomela kereke ya E.R.P Unity ka bophara. O tlhalositse gape fa e le tshwanelo ya komiti kgolo go direla maloko a kereke dithuto-puisanyo, go isa dipego kwa go ba kwadiso ya dikereke le mekgatlho ngwaga le ngwaga, go rotloetsa diphuthego go baya madi kwa di polokelong, go tlhatlhoba dibuka tsa kereke le tse dingwe. Fa a ama tse komiti kgolo e di kgonneng mokwaledi–mogolo o boletse fa ba ne ba tshwara thuto-puisanyo e e itebagantseng le go tshwara madi le tse dingwe, o tlhalositse le gore ba lekalana la Kanye ba simolodisitse kago ya ntlo kgolo e go solofetsweng e tlaa lopa didikadike tse pedi tsa dipula a re mme ntlo e kgologolo ya borapelelo ga e a amega ka gope, o kopa diphuthego tsotlhe tsa kereke eo go tsenya letsogo mo kagong ya ntlo kgolo. Moruti Morobisi o tsweletse a kopa lekgotla la bomme le banana go itsosa ka go lebega a le bokoa, a re seemo seo se a tshwenya ka gore kereke e ka tsaya dikgakololo tse di ka godisang kereke mo bananeng fa bomme bone e le pinagare ya kereke. O lebogile komiti kgolo ya ditlhabololo a re e ipapanne sentle ka maloko a yone, a re sebe sa phiri ke gore ga e ntshe megopolo e mesha. Fa a rola pego ya gagwe modulasetilo wa komiti kgolo ya kereke moruti Judge Molemele le ene a kopa baphuthegi go ema nokeng ba lekalana la Kanye go kgontsha kago ya ntlo kgolo go ema ka dinao, o ne a rotloetsa komiti ya bomme, banana le ya ditlhabololo go kopana go buisanya ka bokamoso jwa kereke ya bone.
religion_and_belief
8
Ba kgatlhanong le leina le lesha la kgaolo
Batho ba kgaolo ya Tswapong Borwa ba re ga ba itumelele tshwetso e e tserweng ya go fetola leina la kgaolo ya bone go nna Sefhare/Ramokgonami ba sa rerisiwa. Ba buile jalo mo diphuthegong tsa dikgotla mo metseng ya bone di tsentswe ke komiti e e sekasekang kgaoganyo ya melelwane ya botlhophi ya bokhanselara bosheng. Ba re leina le lesha le rotloetsa dikgogakgogano le lenyatso mo metseng e mengwe. Rre Seduke Letsatsi wa Ramokgonami a re phetogo e ya leina e ba gakgamaditse fela thata go nne ga ba itse gore le ne le fetolwa go lebilwe eng. A re le ka nako ya fa lekoko le le neng le sega melelwane ya dikgaolo tsa bopalamente le tshwere phuthego kwa Sefhare ngwaga o o fetileng, le ne la bua fela ka go oketsa kgaolo mme ga le aka la bua sepe ka leina la kgaolo. A re leina la Tswapong Borwa le siame thata ka le supa kakaretso mo morafeng, a tlatsa ka gore ga go ope yo o kileng a supa fa a na le ngongora ya gore le a mo tlhaola. Rre Kesitegile Gobotswang wa Sefhare a re ga ba amogele leina le lesha ka gore le ka senya maiteko otlhe a tekatekanyo ya semorafe. A re leina la Sefhare/Ramokgonami le rotloetsa kgetlhololo mo go babangwe ba metse ya bone e sa bidiweng mo leineng mme ba tswa mo kgaolong. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti eo Mme Bontle Marumola o boletse gore ka tshwanelo lekoko le le neng le tlhomilwe go sega melelwane ya dikgaolo tsa bopalamentele le tshwanetse la bo le ne le kile la dumalana le morafe ka kgang ya phetolo ya maina a dikgaolo. Mme Marumola a re tshwetso e, e tserwe go lebilwe gore Batswana ka kakaretso ba ne ba ngongorega thata ba re dikgaolo tse di bidiwang ka merafe di rotloetsa kgethololo mo merafeng e mengwe ka gore ga se gore batho botlhe ba ba fitlhelwang mo kgaolong e e rileng ke ba morafe o kgaolo e biditsweng ka one.
society
9
Kitso ya thuso ya potlako konokono
Mogolwane mo lephateng la metsi (water affairs) Rre Ngaparelang Makwete, o kaile fa dithuto tse di amang thuso ya potlako ga mmogo le tshireletsego ya melelo mo lephateng le le dirang ka dikhemikhale e bile le tshabelelwa ke dikotsi jaaka la phatlalatso ya metsi di le botlhokwa fela thata. O buile se mo thuto-seka dipuisanong e e neng e tshegeditswe ke lephata leo mo Mahalapye bosheng ka maikaelelo a go rutuntsha badiri ka thuso ya ntlha ya potlako le itshireletso kgatlhanong le melelo. Rre Makwete a re gore ba tshware dithuto tsa mothale o ba gwetlhilwe ke diemo tse ba fitlhelang bangwe ba badiri ba bone ba direla mo go tsone tse di amang pabalesego ya bone, ka go le gantsi ba tlhagelwa ke dikotsi tse di tlhokang go ka potlakelwa mme ka go tlhoka bone boitseanape ja go neela thuso ya ntlha ba bee fela mo go ba bongaka. A re dikotsi tse badiri ba lephata ba kopanang natso di akaretsa go gatlhamelwa ke dikhemikhale gammogo le go longwa ke dinoga.Ka jalo o boletse fa a itumeletse dithuto tse fela thata ka a re di ya go dira pharologanyo e tona mo bodireding ja bone. Rre Makwete a re gape ba tlaa simolola go itse tiriso le tlhokomelo ya ditimamolelo tse ba ntseng ba na le tsone mo lephateng ntswa ba sa itse tiriso ya tsone, gammogo le go ruta badiri gore ba tshwanese go tsiboga jang fa go na le molelo o o shang mo dikantorong. O tlhalositse fa e ya gore morago ga dithuto ba ye go itlhamela komiti e e itebagantseng le dithuso tsa potlako ba itebagantse le melelo.A re ba tsile go ikgolaganya thata le lephata la melelo fa bothata bo tlhagogile, a re se setona e le go ela tlhoko gore lephata le nna le le malalaalaotswe ka dinako tsotlhe.
disaster_accident_and_emergency_incident
2
Mokgatlho o abetse kgaolo ya Takatokwane dikobo
Mokgatlho wa Mowa Montle kwa sekoleng se segolwane sa Maruapula kwa Gaborone o abetse banni ba kgaolo ya Takatokwane dikobo di le lekgolo le masome a matlhano le diaparo tsa mariga. Kgosi Bagodi Phihadu wa kgotlana ya Tlhaping kwa Ditshegwane, o supile fa ba tlhola ba bona dimpho di abiwa kwa dikgaolong tse dingwe mme ba eletsa fa batho ba ka bona se mokgatlho o se dirileng kwa kgaolong ya bone. Mongwe wa batlhami ba mokgatlho, Rre Ayaan Chand, o supile fa maikaelelo a mokgatlho e le go tokafatsa matshelo a Batswana. A re ba rekile dikobo le diaparo tsa mariga tse di lopileng go feta P20 000. Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Friction Leuwe, o ne a amogela dimpho ka boitumelo. A re mokgatlho o abile ka mowa o montle wa kutlwelobotlhoko. O ba kopile go tswelela ka go thusa, a tlhalosa fa banni ba tlhoka diaparo tsa mofuta oo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Kebonang Kelebang, a re ba ikaelela go rotloetsa baithuti ba sekole se sebotlana sa Ditshegwane ka go ba abela dimpho, go ba rotloetsa go tokafatsa maduo a sekole. Rre Kelebang a re ba eletsa gore ka 2024, maduo a sekole a bo a itumedisa fa mokhanselara wa kgaolo ya Ditshegwane/ Maboane, Rre Tsabahule Kgotlhang a tlhalositse fa kgaolo e amilwe thata ke lehuma mme e tlhoka thuso.
society
9
Kgwebo e batla maano a motia
Pele ga motho a tsena mo kgwebong o tshwanetse go ipotsa gore o tsenela eng, a go na le kwa a ka rekisang dilwana tsa gagwe teng le go ipaakanyetsa dikgwetlho tsa yone. Go boletse jalo mogolwane go tswa kwa lephateng la OSET, Mme Kealeboga Kopelang, jaaka a ne a bua le batho ba ba thusiwang ka lenaneo la batlhoki, kwa thuto-puisanong ya malatsi a mabedi bosheng. Mme Kopelang o ba tlhaloseditse gore, go botlhokwa gore fa ba tsena mo kgwebong ba bo ba na le kitso le boitseanape ja kgwebo e ba tsenang mo go yone. O ba gakolotse gape gore ba nne le kitso ya go tshwara bareki sentle, kitso ya go tshwara madi, ya go bereka ba le setlhopha le kitso ya gore kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho. Mme Kopelang o ba tlhaloseditse gape gore, madi a ba simololang kgwebo ka one, a tshwanetse go fetwa ke a a tsenang mo kgwebong, go supa gore ba dira dipoelo. O boletse gore maikaelelo a ba tsenang mo go one a ka ba direla maduo, mme ba nne le kitso ya gore kgwebo ga e tsise maduo ka bofefo gape e tlhoka boitshoko. Mogolwane go tswa kwa lephateng le Rre Olekantse Lota, o ba kopile go dira diteseletso pele ga ba simolola go gweba. O ba tlhaloseditse gore fa ba bereka ba le setlhopha, ba tshwanetse go kwadisa kompone, ba bo ba dire le yone teseletso. Mogolwane go tswa kwa lephateng la boipelego Rre Kgomotso Jongman, o ne a ba tlhalosetsa gore go botlhokwa gore fa ba le setlhopha, ba betle tsela le go ipeela gore ba ka intsha jang mo lehumeng. A re go botlhokwa gore ba okwe ke sengwe mo setlhopheng le go bona gore a maikaelelo a bone ba le setlhopha a a tsamaisana. Rre Jongman a re mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le se a se dirang mo setlhopheng, mme setlhopha se tshwanetse go sekaseka tiro ya sone gore e tsamaile jang, gore ba tle ba baakanye tse di sa tsamaeng sentle. A re setlhopha se se dirisanang, se na le kgonagalo ya go atlega, mme fa ba se na maikaelelo a le mangwefela, go ya go nna motlhofo gore se phutlhame.
economy_business_and_finance
3
‘A dipuisano di supiwe’
Banni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba kopa gore dipuisano tsa palamente di gasiwe ka tlhamalalo mo thelebisheneng ya Botswana. Ba ne ba akgela mo phuthegong ya kgotla ya go isa palamente kwa bathong, e e neng e tshwerwe ke motsamaisa dipuisano tsa palamente, Mme Gladys Kokorwe kwa Masunga kgwedi eno e le malatsi a supa. Ba re nako e gorogile gore thelebishene e gase dipuisano tsa palamente, gore ba utlwe dintlha tsotlhe tse mapalamente a buisanang ka tsone. Kgosi Maruje III wa Masunga ene o ne a supa fa go le botlhokwa gore dipuisano tsa palamente di gasiwe mo thelebishineng go fa batho sebaka sa go bona gore puso ya batho ka batho e diragadiwa jang mmogo le ka fa palamente e tsamaisiwang ka teng. A re go supa dipuisano tseo mo thelebishineng, go tlaa thusa gape lefatshe leno go tsweledisa maikaelelo a lone a go rotloetsa letshego lasetshaba se se rutegileng se na le kitso. Kgosi a re o eletsa go bona palamente e ikemetse ka nosi, e na le ditsompelo tsotlhe tse di tshwanetseng, a tlatsa gape ka gore le lekalana la yone la ditlhotlhomiso, e tshwanetse ya nna le le tiileng go leka go thusa lefatshe go gatela pele. Kgosi Maruje III a re nako e fitlhile ya gore lefatshe leno le nne le diromamowa tsa dikgaolo (community radio stations), a re di ka thusa go aga lefatshe leno. Mongwe wa banni, Rre Benjamin Bagayi o ne a kopa puso go aga diofisi tsa palamente mo dikgaolong, go na le gore go bo go ikaegilwe ka go hirisa matlo a beng, a re go dira jalo go ka tlotlomatsa seriti sa palamente. Rre Bagayi a re o lemogile fa badiri ba diofisi tsa mapalamente ba sa nke ba rolelana diofisi semmuso fa ba tswa go tsena ba bangwe, a re mme go dira jalo go botlhokwa go direla gore ba ba tsenang ba kgone go itse ka dikgang tse di leng teng mo ofising gore ba di tsweledise. Rre Robert Morupisi ene o ne a kopa gore palamente e tsenye leitlho le le tseneletseng mo maphateng a e ya reng a kopile madi go diragatsa ditiro tsa maphata, e re phelelong a buse madi a sa dirisiwa, a re o ipotsa gore a tiro e ya bo e dirilwe kgotsa jang. Banni ba kgaolo ya botlhophi ya Tati Botlhaba, e le yone e welang ka fa tlase ga Bokone Botlhaba, bone ba ne ba kopa gore diphuthego tsa go tshwana le eo, di ne di tshwarelwa le kwa kgaolong ya bone, go na le gore ba ye go di tsenela kwa Masunga. Le fa go ntse jalo, banni ba Bokone Botlhaba ba ne ba leboga Mme Kokorwe go bo a bone go tshwanela gore a iphe matsapa a go isa palamente kwa bathong. E ne ya re fa a tlhatlhelela banni ka tiro ya palamente le ka fa e tsamaisiwang ka teng, Mme Kokorwe a tlhalosa fa e le go buisana le go diragatsa melao e go bonwang e siametse lefatshe leno. A re e re ka jaana ba lemoga botlhokwa jwa gore dipuisano tsa palamente di gasiwe ka tlhamalalo mo thelebishining, sebe sa phiri ke go bo thulaganyo ya go dira jalo e lopa madi a a seng kana ka sepe. Mme Kokorwe o ne a tlhalosetsa banni fa boikarabelo jwa gagwe e le go tsamaisa dipuisano tsa palamente, a dira jalo a setse morago molao motheo wa lefatshe leno, e bile a tsaya mapalamente ka tekatekano go netefatsa gore go nna le thitibalo mo palamenteng. A re o itumedisiwa ke go bo mapalamente a mono, le fa ba ka tswa ba farologana ka megopolo e bile ba ngangisana ka dilo dingwe, fela ba supa mowa wa setho le wa go tlotlana. Fa a itebaganya le tiro ya mapalamente, Mme Kokorwe o ne a supa fa mo godimo ga dipuisano tsa palamente, palamente e bereka le ka dikomiti ka go farologana tse mapalamente mangwe a tlhophiwang go tsena mo go tsone di feta bobedi. A re ka jalo go ka diragala gore mopalamente a seka a lekola batlhophi gangwe le gape jaaka ba solofetse, ka moo a gwetlha banni go dirisa diofisi tsa palamente tse di mo dikgaolo tsa bone go isa dikgang teng mo boseyong jwa mopalamente. Mme Kokorwe o ne a bo a gakolola banni go itse fa badiredi ba diofisi tsa mapalamente e le badirelapuso, ba ba tshwanetseng go dira tiro ya bone ba beetse kwa tlhoko sepolotiki. La fa go ntse jalo, o ne a supa fa mongwe le mongwe a gololesegile go tsena mo palamenteng go ya go reetsa dipuisano tsa mapalamente.BOKHUTLO
politics
7
Moleofhe o ema Kgoroba nokeng
Ntlhopheng yo o ikemetseng kwa Mogoditshane, Rre Richard Moleofhe, a re o tsere tshwetso ya go boela morago maitlamo a gagwe a go emela bontlhopheng jwa bopalamete jwa kgaolo ya Mogoditshane, go ema nokeng ntlhopheng wa Umbrella for Democratic Change, Rre Sedirwa Kgoroba. Rre Moleofhe o tlhalositse tshwetso ya gagwe mo phuthegong ya sepolitiki ya go rolela batlhophi ba kgaolo ya Mogoditshane ntlhopheng wa bopalamenete, Rre Kgoroba le bontlhopheng ba bokhanselara ba ferabobedi. Rre Moleofhe a re o boela morago tshwetso ya gagwe, morago ga go tsena phitlho ya moeteledipele wa pele wa BMD, Rre Gomolemo Motswaledi, koo a ileng a lemoga fa seemo sa polotiki ya Botswana se tlhoka tshwaragano ya diphathi tsa kganetso, ka jalo a solofetsa fa a tlaa dira gotlhe mo a ka go kgonang go ema nokeng phathi ya UDC mo kgaolong eo go fitlhelela phenyo. A re batlhophi ba kgaolo eo ba tshwanetse ba mo tsaya e le motho yo o nyoretsweng seemo se se tlhwaafetseng sa diphetogo tsa dipolotiki eseng maemo, a supa fa seo se tlhomamisiwa ke kgato ya go tlogela maemo a bosole a ne a sa ntse a ka bereka. A re jaanong o intshitse setlhabelo go tlhoafalela diphetogo tsa botshelo jwa sepolotiki. Le fa go ntse jalo, Rre Moleofe o tlhomamisitse fa a sa ntse a na le maikaelelo a go emela ditlhopho e le mokoko mo nngweng ya dikgaolwana tsa bokhanselara tsa kgaolo ya Mogoditshane. E rile a rola semmuso Rre Kgoroba le makhanselara a gagwe, moeteledipele wa UDC, Rre Duma Boko, a laela batho ba kgaolo ya Mogoditshane gore tshwetso ya go tlhomamisa gore Rre Kgoroba o fenya kgaolo e saletse bone. A re moeteledipele wa BMD wa pele, Rre Motswaledi, o weditse tiro ya gagwe ka go sega tema mme jaanong go saletse batlhophi go netefatsa gore ba fitlhelela se moeteledipele yoo a se simolotseng. Ntlhopheng wa kgaolo ya Borolong, Rre James Mathokgwane, o boleletse batlhophi fa BDP e sa tlhole e na le dikgang dipe tse e ka tsietsang ka tsone, mme a ba kopa go amogela diphetogo tsa UDC. Bokhutlo
politics
7
Dikole tsa Okavango di gapa dikgele
Baithuti ba dikole tsa kgaolo ya Okavango ba ne ba tsabakela kwa moletlong wa kabo dimpho wa bao ba ba dirileng sentle mo dithutong tsa bone. Moithuti wa sekole se segolwane sa Shakawe Senior Secondary, Mme Pekenene Omogolo go tswa kwa Shakawe region one a tlhophiwa yo o gaisitseng baithuti botlhe ba lokwalo lwa botlhano (BGCSE) mme one a fiwa trophy le P3 000. Ba ba fitlheletseng maemo a lesome a kwa godimo ba ne ba tswa kwa Maun Senior Secondary fa Mme Omogolo e ne ya nna sekgwantshwane fela kwa Shakawe. Bafenyi botlhe ba ne ba ikgapela dikopi le madi fa dikole le tsone gammogo le barutabana ba ne ba lebogelwa maiteko a bone ka ditlankana. Fa a bua kwa moletlong oo, Kgosi Leretetse Mogalakwe o rotloeditse baithuti go tswelela ba dira ka natla a tlatsa ka gore thuto ke konokono mo botshelong. “Thuto ga e lebele gore o ngwana wa ga mang, o tswa mo lelwapeng la bahumi kana bahumanegi, yone e batla moithuti yo o iketeileng sehuba a bereka ka botswapelo le bonatla,” a tlatsa jalo.
education
4
Go lwantsha motlho ka botlhole go mosola
Balemi ba masimo a Mmamagano gaufi le Monwane ba kgothaditswe go tshela masimo a bone tshefi ya motlho ka e kgona go o nyeletsa gotlhelele. E rile a bua kwa masimong ao, modulasetilo wa komiti ya balemi, Rre Tlotlo Nnini, o ne a supa fa balemi ba masimo a Mmamagano le Matshwi ba na le kgwetlho ya motlho o o tlogedisitseng ba le bantsi temo. Ka jalo o ne a supa fa ba ne ba ikopanya morago ga go utlwa fa puso e na le lenaneo la go rekela balemi molemo oo, mme jaanong balemi bone ba na le boikarabelo jwa go ipatlela terekere e e ba tshelelang tshefi. Mme Goitseone Sedumedi yo go neng go phuthaganetswe kwa tshimong ya gagwe go bona maduo a tshefi o supile fa a ne a setse a kgobega marapo ka a ne a lema dijalo di tswa sentle, mme morago di hube, a bo a felela a sa tswe ka sepe. O tlhalositse fa e rile a utlwa ka tshefi a kgothala go e lekeletsa, a supa fa ba ne ba koleka go iphirela raterekere, mme gompieno motlho o fedile mo tshimong ya gagwe e bile a solofetse thobo e e nametsang. Mogolwane go tswa kwa ofising ya twantsho diji le mhero, Rre Kabelo Moaisi o ne a tlhalosa fa tshefi e e bolayang motlho e na le bokgoni jwa go bolaya mhero otlhe mo masimo, mme e sa kgoreletse dijalo ka gope. O tlhalositse fa motlho o peitiwa o santse o le motala, ka jaana o oswa sentle fa o le motala. O tlhalositse fa puso e efa balemi tshefi ya go lwantsha mhero go akarediwa le motlho, a bo a supa fa balemi ba ka ikopanya ba le masome a mabedi go ya go ba le masome a mararo, mme fa ba sena go fiwa tshefi, ba tshwanetse go ipatlela terekere e e tlaa ba gasetsang tshefi, a supa fa balemi ba ituelelang. O kopile balemi go ikopanya le balemisi go ba tlhalosetsa ka melemo e e bolayang mhero. Rre Moaisi o tlhalositse fa tshefi e tshwanetse go bewa sentle mo ntlong e e lotlelwang, mo godimo ga lepolanka gape e seka ya seegwa ka sepe. O tlhalositse fa batho ba ba gasang tshefi ba tshwanetse go apara diaparo tsa itshireletso jaaka sekhwetlha, dikgoshopo, diatlana, hempe e e matsogo maleele le futshe. O supile fa diaparo tse di tlhatswiwa di le nosi, a bo a supa fa tshefi e pegwa kwa morago mo koloing fa e tswa go rekwa. Rre Moaisi o supile fa ba ikaelela go lema temo e e tlhabolotsweng monongwaga, e seng ya go pitikolola mmu. Balemi ba ne ba tlhalosa fa bontsi jwa bone bo ntshitswe mo masimo ke motlho, mme ba tlaa iteka go o lwantsha ka tshefi ka ba bonye maduo a yone. Ba tlhalositse fa mehero e le mefutafuta, mme ba leboga fa go na le tshefi e e e lwantshang. Le fa go ntse jalo, ba tlhalositse fa go na le mhero o go tweng matebele, o ba tlhalosistseng fa o kgoreletsa dinawa go thunya. Ba kopile puso go batla tshefi e e bolyang mhero o. BOPA
society
9
Tsayang botsogo ka tlhwaafalo
Badiri ba lephata la temo-thuo ba kopilwe go fetola maitsholo ka go tsaya botsogo jwa bone ka tlhwaafalo ka e le jone bo ka dirang gore ba ntshe maduo a a nametsang mo tirong ya bone ya tsatsasi le letsatsi. E rile a bua mo thuto-puisanong e e neng e rulagantswe ke ba lephata leo kwa Letlhakeng, morulaganyi wa yone Rre Kushatha Stephen a tlhalosa fa maikaelelo a yone e ne e le go rotloetsa bodiredi go fetola maikutlo kwa ditirong le go ba rotloetsa go itlhatlhobela malwetse ka go farologana ka botsogo bo tla pele ga sengwe le sengwe. Rre Stephen o boile a supa fa go tlhoka madi o le modiri go ka ama maduo mo tirong ka tlhaloganyo e nna ka go eta e bile modiri a nna ka go itebala. O ba gakolotse fa go iphetisa dino go ka ba bakela malwetse mme se se se felele se digela maduo a tiro kwa tlase. E rile a ba ema ka lefoko, mookamela baoki ba kgaolo ya Kweneng Bophirima, Mme Midah Mogonono yo e neng e le sebui sa tlotla, a tlhalosa fa go na le malwetse a a sa tshelanweng mme a le borai jaaka kankere, bolwetse jwa sukiri kana madi a matona. A re malwetse a go nna jalo a nna borai le go feta fa molwetse wa one a a nwa bojalwa. O bile a kopa badiri bao go ikgapha mo nnotaging le go dirisa diritibatsi di tshwana le motokwane ka go le borai mo matshelog a bone ga mmogo le a baberiki ka bone. Mme Mogonono o kaile fa malwetse a sebete a dirwa ke go nwa bojalwa phetelela mo go dirwang ke badiri bangwe mme se se baya matshelo a bone mo diphatseng, o bile a supa fa sebete le diphilo e le dikarolo tse di botlhokwa thata mo mmeleng ka jalo di tlhoka tlhokomelo e e tseneletseng gore motho a kgone go tshela botshelo jo bo phepa. BOKHUTLO
society
9