text
stringlengths
0
40.2k
"Pontsho e e dirwang ka PowerPoint ( e e baakanyeditsweng ka mokgwa o o lebegang sentle , o o sa kwalwang ka ditlhaka tse dinnye ! ! ! ! ) e tshwanetse go newa motlhatlheledi kwa bokhutlong jwa go kopana mmogo ga setlhopha , gore go tshwaiwe mopeleto le go tseleganya puo . "
"Kabinete e lemogile dikgato tse di tserweng ke dibanka di le nne tse di ntshitseng kitsiso ya go tswala akhaonto ya banka ya setlamo."
"Aforika Borwa e tsere maemo a ketapele mo lefatsheng a go lwantshana le TB, mme ba US AID ba tsentse seatla go neelana ka thuso.
Porojeke ya dingwaga di le tlhano eno, eo e simolotseng ka 2016, e ntse e dirwa ka bolekane le Lefapha la Bosetšhaba la Boitekanelo mo diporofenseng di le robedi tsa Aforika Borwa.
E nngwe ya dikarolo tse di botlhokwa go gaisa tsa porojeke eno ke go tshegetsa matsholo a di-NGO tse di leng mo metseng. Porojeke e neelana ka matlole go di-NGO di le 21 tseo di tshe geditseng balwetse ba feta ba le3 500, mme bontsi jwa tsone ke tseo di leng kwa dikgaolong tsa metseselegae.
Mosamaria kwa Porofenseng ya ForeisetataMokgatlho wa Mosamari o o fitlhelwang kwa Mangaung, ke o mongwe wa di-NGO tse di amogetseng matlole go tswa mo porojekeng eno. Mokgatlho ono o na le setlhopha sa badiredi ba tsa boitekanelo, motsamaisi wa porojeke le motsayatshedi -mosetso bao botlhe ba dirang go netefatsa gore balwetsi ba nwa melemo ya bona gore ba tle ba fole mo sebakeng sa dikgwedi di le thataro.
“Re thapile batlhokomedi ba le 74 mo porojekeng eno. Fa re simolola re ne re dira le balwetse ba le 200, morago ya nna balwetse ba le 400, mme konterakeng ya rona ya ga jaana re na le balwetse ba le 500 bao re dirang le bona letsatsi le letsatsi. Balwetse ba romelwa mo go rona fa ba sena go bonwa gore ba tshwaeditswe ke mogare wa TB go tswa kwa dikliniking di le ro bongwe tse di farologaneng mo Toropokgolo ya Mangaung,” go bua jalo motsamaisi wa Mosa maria Trudie Harrison.
Kgwedi le kgwedi Mosamaria e tsamaya ntlo le ntlwana go dira ditlhatlhobo tsa go bona balwetse ba TB ba ba ntšhwa le go ba naya kalafi ka gangwe.
Harrison a re tiro ya Mosa maria e fokoditse kgethololo le mamudu e e ntseng e le teng ka ga TB, e gagamaditse dikamano magareng ga baagi mmogo le go tlhatlosa dipalopalo tsa katlego tse di ka ga pholo ya kalafo.
“Sekao, ka ngwaga wa 2018, balwetse ba rona ba le 514 ba bone pholo go tswa mo kalafong eno,” go rialo Harrison.
Harrison o arolelana kgang ya yo mongwe wa balwetse ba Mosamaria. O ne a bona tshe getso letsatsi le letsatsi go tswa go motlhokomeding wa Mosa maria, yo a neng a netefatsa gore o nwa dipilisi tsa gagwe letsatsi le letsatsi mme mo godimo ga foo re netefaditse gape gore re mo rekela bupi le diaparo tse dintšhwa.
“O ne a kgona go konosetsa kalafi mme ga jaanong o fodile.
O ne a boela tirong ya gagwe ka mothapi wa gagwe a ne a mo e beetse,” ga rialo Harrison.
Itse matshwao a TB Fa o na le mangwe a matshwao a a latelang, o tshwanetse go etela kliniki e e gaufi le wena kgotsa bookelo go tlhatlhobelwa bolwetse jwa TB:
• Go gotlhola lobaka lwa dibeke di le tharo kgotsa go feta;
• Go ntsha segotlhola se se nang le madi fa o gotlhola;
• Ditlhabi mo sehubeng, kgotsa setlhabi fa o hema kgotsa o gotlhola;
• Go fokotsega mmele e se ka maikaelelo;
• Letsapa le le feteletseng;
• Letshoroma .
Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga Porojeke ya Aforika Borwa le USAID ka ga TB, letsetsa: 012 484 9300.
"
"Jaaka khamphase re itshupile gore re ka kgona go gaisana fela thata e bile re ka kgona go tlhagisa dipholo tse di tshwanang ka dinako tsotlhe mo kgaolong le mo nageng yotlhe."
"Ditshwanelo tsa bagolegwa kwa bonnong bo bo lekaneng , dikotla , go buisa matheriale le kalafi ya dingaka . "
"(c) go dumelelana ga tsona le Molaotheo o mošwa."
"Mo puisanong ya ga Mmapitsa le Mmasera le Bankgoditse , Mmapitsa o tenega thata fa a gopola gore Selebi ga a kgone go dira Bankgoditse kgosi . "
"Gompieno ke letsatsi le le itsegeng jaakaKe eng se se dirang gore o ipele ka go nna ngwana wa MoAfrika."
"Fa puleng a tlhokafala, ke eng se ba yang go se ja, ka le yone thiri fela ya gagwe ga ba ka ke ba e fiwa?"
"Go ntse fela jalo tumelo, fa e se na ditiro e be e sule ka e yosi."
"a a gakologelwe ditshupelo tsotlhe tsa gago, a be a amogele setlhabelo sa gago sa phiso. Sela."
"Bokhulto jwa tlhagiso ya puo ke tšhono ya go sobokanya dintlha tsotlhe tse o buileng ka tsona , go tlogela bareetsi ka kakanyo e ba se kitlang ba e lebala . "
"Dirisa maemedi boemong jwa mafoko a a thaletsweng , mme morago o a dirise mo dipolelong tse o di itlhametseng . "
"Tsweletso ya dielo , ga e botlhokwa fela mo tsweletsong ya motho a le mongwe , mme e tshwanetse go tlhomamisa gore sebopego sa bosetšhaba sa Aforikaborwa se agilwe mo dielong tse di farologaneng le tse go neng go theilwe thuto ya apareteiti mo go tsona . "
"Ikopanye le rraagwe ngwana mme o mo tlhalosetse gore o tlhoka thuso ya gagwe go godisa ngwana wa lona."
"Setlhopha sa mafoko ke karolo ya puo jaaka lefoko , polelwana le polelo . "
"Di gagamatsa ditlhokwa tsa gore ditlhokotsebe tsa ditlolomolao tsa thobalano di bone beile."
"Lenaneo la Medumopuo: Puo ya Gae Setswana • Go botlhokwa go ruta barutwana medumo yotlhe ya puo ka tatelano. • Medumo e e rutiwang mo lenaneong la medumopuo ya Setswana la NECT e neetswe fa tlase, lokologa go dirisa se jaaka kaedi. • Ka ntlha ya leroborobo, barutwana ba le bantsi ba latlhegetswe ke ditaelo tse di botlhokwa tsa medumopuo. • Ka kopo batlisisa gore ke medumo efe e barutwana ba e itseng le e ba sa e itseng mme o dirisa lenaneo ka tatelano go baakanya nako e e latlhegileng ya go ithuta. Ela tlhoko: • Medumo e e leng mo bolokong jo bo setlha e tlhalosiwa ke TRN(ATP) ke ya Mophato 2 Kgweditharo 3 (ke medumo e e sa pataganang yotlhe) • Leka go netefatsa gore barutwana ba gago ba itse medumo e. • Go tlaleletsa, ka kopo ruta barutwana ba gago mafoko a a felelang ka go tshwana jaaka: ‘-ng’ MODUMOPUO WA SETSWANA TEKOLO MODUMOPUO MAFOKO A A DUMISEGANG a m o o-m-a = oma b a-b-a = aba o-b-a = oba o-b-a-m-a = obama l l-a-l-a = lala l-o-m-a = loma l-o-b-a = loba e e-m-a = ema e-l-e-l-a = elela e-b-o-l-a = ebola n n-o-n-a = nona n-a-m-a = nama n-a-n-a-b-e-l-a = nanabela i i-l-a = ila i-n-a = ina i-n-a-m-a = inama r r-e-m-a = rema r-o-m-a = roma r-o-b-a = roba u u-b-a = uba u-r-a = ura u-t-o-l-o-l-a = utolola t t-u-m-a = tuma t-e-m-o = temo t-i-l-a = tila d d-u-m-a = duma d-i-r-a = dira d-u-b-a = duba f f-o-f-a = fofa f-a-l-a = fala f-e-l-a = fela g g-o-g-a = goga g-o-l-a = gola g-a-m-a = gama h h-e-m-a = hema h-u-m-a = huma h-u-m-a-n-e-g-a = humanega j j-a-l-a = jala j-e-l-a = jela j-a-r-a = jara k k-o-b-a = koba k-i-k-a = kika k-o-k-o-n-a = kokona p p-i-n-a = pina p-i-l-o = pilo p-a-l-a = pala s s-e-l-a = sela s-e-l-o = selo s-e-b-a = seba w w-a = wa w-e-n-a = wena w-e-l-a = wela Mophato 2 • Kgweditharo 3 • Puo ya Gae Setswana 16"
164
"bonnye baatlhodi ba le robedi."
"O tlaa tshola bana ba basimane le basetsana, mme ga ba ketla ba nna ba gago, gonne ba tlaa ya botshwarong."
"Dintlo di le dintsinyana mmogo le masimo a le mantsinyana a lakaoditswe ke kgabo eno."
"Mme lo tlaa itse fa ke le Jehofa, mogang babolaiwi ba bone ba tlaa fitlhelwang ba tlhakanye le medimo ya bone ya disetwa mo tikologong ya dibeso, mo lekhujaneng lengwe le lengwe le le godileng, mo ditlhoreng tsotlhe tsa dithaba, le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala, le fa tlase ga mooka mongwe le mongwe o mokima, felong fa ba iseditseng medimo yotlhe ya bone ya disetwa lonko lo lo monate teng."
"Tlatsa tiro e e tshwanang e e tla go gakololang gore popegotheo ya Letlhomeso la Bosetšhaba la Borutegi le ka ga eng . "
"08Mokhuduthamaga wa puso selegae kwa gauteng lebogang Maile o solofetswe go kopana le Meyara wa Jhb Herman Mashaba gompieno go buisanela kgato e seng mo molaong ya go ikabela lefatshe kwa Lenasia kwa Borwa ba Jhb.Moeteledipele wa EFF Julius malema a re maikaelelo a bona ke go thusa go sireletsa kantoro ya Mosireletsi wa sechaba, mme e seng Advocate Busisiwe Mkhwebane."
"Tshedimosetso tebang le kitsiso ya Komišene ya Bommagiseterata go ya ka karolo 15 ( 2 ) ga e ise e nne gona ga jaana . "
"Mo Kgatong ya Magareng , Dipuo le Mmetse di sala go nna Manaanethuto a a ikemetseng . "
"Kabinete e amogetse tshwetso ya Moporesitente Jacob Zuma ya go atolosa paka ya thomelo ya masole a SANDF kwa Democratic Republic of Congo (DRC)."
"Mo nageng, Betharaba, Midine le Sekaka;"
"Go akanngwa gore tse di tlile go tlhagisiwa mo halofong ya bobedi ya 2000 le go phasaladiwa ka 2001 . "
"B O boi . "
"Dikgotlatshekelo di ikemetse ka botsona, e bile di laolwa fela ke Molaotheo le molao, o di tshwanetseng go o diragatsa ka go se tseye matlhakore le ntle le poifo, ditlhotlho, kgotsa kgobelelo."
"Go tloga ka ngwaga wa 1994 go ya go 1997 , Lefapha le ne le sa aroganye le go tsamaisa direkoto tsa lona go ya ka dithebolo tsa diakhafe . "
"(b) Khomišene ya Tekatekano ya Bong; le"
"Kabinete e amogetse gape le go thapiwa ga Bakaedi ba Diboto tsa nakwana tsa SEFA le SEDMelawana Tebang le Tshireletso, Thotloetso, Tlhabololo le Taolo ya Kitso ya Tlhago (IK) Kabinete e dumeletse go phasaladiwa ga melawana ya IK go ngoka ditshwaelo tsa baagi."
"Dafite a fetola moperesiti, a mo raya a re: “Ruri basadi ba sa le ba kgaoganngwa le rona e ka ne e le ka malatsi a le mararo; e rile ke bolola dilo tsa makau tsa bo di itshepile, le fa e ka bo e ne e le loeto fela; bogolo jang gompieno dilo tsa bone di tlaa bo di le boitshepo.”"
"Simone Petere a mo fetola a re: “O Keresete, Morwa Modimo o o tshedileng.”"
"Le fa e le mang yo o nyatsang lefoko o iteretse tshenyego, mme yo o boifang taolo o tlaa duelwa."
"Ka fa tlase ga sekema seno, disampole tsa mašwi tsa kgomo nngwe le nngwe di a kokoanngwa le go sekasekelwa mafura, protein, lactose, somatic cell count (SCC) le milk urea nitrogen (MUN) ke laborathori ya bogareng."
"utlwalang tse di(i) go thibela kgotlelego ya loapi le kelotlase ya tlhago;"
"Williams a re go swabisa nko go feta molomo go bona banana ba tsweletse ka go lwela diphatlha tsa lenaneo la Ipelegeng ntswa gona le a mangwe a ba ka simololang dikgwebo ka o ne."
"Rre o inkanisitse a re: ‘Bona, ke a swa; mme phupu e ke e ikepetseng kwa lefatsheng la Kanana ke gone kwa o tlaa mphitlhang gone.’ Mme jaana ke a go rapela, mma ke tlhatloge ke ye go fitlha rre, ke tlaa ba ke boa.”"
"(b) makala a puso ya porofense a rwele ke ntlopeomolao ya porofense go ya ka"
"Mme ke go gakolola gore o bue le mongwe wa lesika kana mma boipelego gore ba go thuse kgang ya gago."
"Motswana a re, ‘Nkgodi go lelalwa yo o tshotseng.’"
"Di tsamaelana le motlha wa gompieno ka ntlha ya botlhokatiro . "
"Go ntse jalo le gompieno go na le masalela ka fa boitshenkelong jwa tshegofatso."
"nosi! Wena o tlaa busa mo pelong ya me, ke wena yo ke mo eletsang, yo kwa ntle ga gagwe ke tlaa bong ke sa felelela. Ke tlaa go naya tsotlhe."
"Mo tsebeng ya 33 sekaseka mabaka a a tlhagiswang ke patlisiso ya ga Butcher & Tucker ( 1995 ) mabapi le go tlogela go rutwa ka Puogae kgotsa Puopedi . "
"Lefatshe le le tshotsweng ka fa tlase ga molao wa segologolo ke ntlha e nngwe , le gale , fa e sale , maemo a tsholo ya thoto a segologolo a neela malapa , bothati ba setso le set ( haba se se atlhameng dikgatlhego mo lefatsheng . "
"Beke pele ga dikapolo , nako e le tshokologo ya Lamatlhatso , ngaka Tsholo a emisa kwa ntlong ya gagwe - kgaogantsho ya bobedi nomoro 2428 - kwa GaRankuwa . "
"07000900 Botshelo bo nnile jang morago ga go kgaogana le mokapelo wa gago wa se molaodivorce"
"Getalia a ba ikanela le batho ba bone, a ba raya a re: “Lo se ka lwa boifa ka ntlha ya batlhanka ba Bakalatea; lo nne mo lefatsheng, lo direle kgosi ya Babilone, mme go tlaa nna molemo mo go lona.”"
"Karabo a re se se bothokwa mo go ene ka a kgona go ithuta batshameki ka go farologana le metshameko e mengwe."
"ditshika tsotlhe tse di setseng, losika longwe le longwe lo le losi, le basadi ba bone ba le bosi."
"Molomo wa me o tlaa tlala pako ya gago, le tlotlo ya gago ka letsatsi lotlhe."
"“Ke gone, utlwang setshwantsho sa mojadi."
"Gonne ba tlaa akofa ba segwa jaaka bojang, ba tlaa swaba jaaka morogo o motala."
"E ne e le ene mosetsana fela fa gare ga basimane ba le bararo e bong Tonko, Ditsile le Badisa."
"Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 8 DBE/Ngwanaitseele 2017 NSC 3.3 Dirisa leemedi yona jaaka sediri mo polelong. (2) 3.4 Nopola lekopanyi go tswa mo phasalatsong o bo o le dirise mo polelong e o e itlhametseng. (2) 3.5 A ke ntlha kgotsa kakanyo gore molemo o, o ka dirisiwa ke bagolo le bana? Tshegetsa ka lebaka. (2) 3.6 Naya lekaelagongwe la lefoko molemo. (1) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla"
"Mme Jehofa a nthaya a re: “Bolela mafoko a otlhe mo metseng ya Juta, le mo mebileng ya Jerusalema, o re: ‘Utlwang mafoko a kgolagano e, lo a dire."
"O supeditse batho ba gago dilo tse di thata; o re nositse bojalwa jwa mofine jwa go theekedisa."
"Dikago tsa maemo a ntlha di thoka di dirisiwa tsa thibelo ya molelo le thibelo e e mathagathaga go fokotsa tsenyo e e ka bakwang ke molelo. Mofuta mongwe wa thebelo ya molelo ke mafelo a gasa metsi. Go oketsa thibelo ya melelo mo dikagong, di dirisiwa tsa kago le dilwana tsa ntlo mo mafatsheng aa thabologileng di a sekwasekwa go bona gore a ga di tshabelelwe ke molelo. kago ya didirisiwa tsa ntlo, go betla le dipolaseteke tse di dirisiwang mo dipalamong le mo ditirong tse dingwe di lekilwe."
"Seno se emela motswedi wa bona o mogolo wa lotseno mme o ameile ditirelo tsa bona."
"Seno se tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng kwa tlamelong ya tshedimosetso le kwa mekgweng ya tsamaiso ya tshedimosetso mmogo le go tlhoma mokgwa wa go tlhokomela le go sekaseka . "
"Fa ntshokuno e ntse e gola mo Aforika Borwa, intaseteri e sa ntse e le e nnye ka bonnye fela jwa bantshakuno ba ba fetang 8% ya go uma, fa e se go feta."
"Fa kopo ya gago e sa atlega , kantoro ya tshireletso ya loago e tla go naya mabaka a go ganwa ga kopo ya gago mme o ka ikuela go Tona ya Tlhabololo ya Loago ka go kwala , o tlhalosa gore ke ka ntlha ya eng o ganana le tshwetso eo . "
"Gešure le Arame ba ba tseela metse eo e na le Kenathe le metsana ya gone, e bong metse e le 60. Botlhe ba e ne e le bomorwa Makire rra Gileate."
"Malatsi otlhe a ga Methusela e ne le dinyaga di le 969, mme a swa."
"Konalo ya losi la ka fa gare gongwe ka fa ntle . "
"Lefapha la Tshireletso le na le Tona ya Tshireletso , Bokwaledi ba Tshireletso le Masole a Tshireletso a Bosetšhaba a Aforikaborwa . "
"le Sikelage, Bethe-marekabothe le Hasare-susa;"
"Lenaane leno le tlamela ka madulo a a duelesegang mo malapeng a a iponelang letseno le le kwa tlase kgotsa le le mo magareng mo mafelong ao dimmaraka tsa dintlo di neng di ka se ba kgontshe gore ba nne le dintlo gone."
"Madiri a , a tlhagelela ka dipaka tse di farologaneng . "
"tsa yona, e ka, lopa Palamente go fetola leina la porofense eo."
"Go neela sekao , dipotsiso tse di kwadilweng ga di tshwanne go gwetlha ditsibogo tsa thuso go tswa bathong ba boemo jwa go buisa bo seng kwa godimo thata ; mme maloko a mangwe a setšhaba a ka ikutlwa a tshosediwa mo go tlhagiseng dikgopolo tsa nnete tsa bona fa ba bodiwa dipotso ke batlhankedi ba puso . "
"06DIKGANGMosireletsi wa setshaba yo o tswang mo maemong Thuli Madonsela o lebogile setshaba le badiri ba gagwe ka ntlha ya go mo neela thotloetso le tshegetso ya go tsweletsa ditiro tsa gagwe tsa semmuso.Bontsi ba diUniversity di solofetswe go bulwa gompieno"