text
stringlengths
0
40.2k
"Ke tlaa nama ke itira lonyatso bogolo go mo, ke tlaa nna bobenyana le mo matlhong a me; mo malateng a o buileng ka ga one, mo go one ke tlaa tlotlega fela.”"
"Re fitlhela polelwanakalaina , polelwanakalatlhaodi le polelwanakala tlhalosi . "
"Jaaka mo go kgonegang ( go etswe tlhoko didirisiwa tse di leng teng le ditlamego tsa Molaotheo ) , mongwe le mongwe o tla neelwa tšhono ya go dirisa puo ya gagwe ya boitlhophelo fa a bua kgotsa a dira kwalelano le batlhankedi . "
"Mo ntlong ya Baiseraele ke bonye sengwe se se tsitlisang marapo; boaka bo fitlhetswe teng mo go ba Eferaime, ba Iseraele ba leswefetse."
"kwa ntle ga e babapatsi ba ne ba a tlisa, le ya papalano ya barekisi ba bagolo, le ya dikgosi tsotlhe tsa batho ba ba tlhakatlhakanyeng, le ya balaodi ba lefatshe."
"15h00 Komishine ya dituelo ya re e tlile go akanya seshwa gore e ka tsweletsa jang ditheetso tsa yona tsa botlhe. Setlhopa sa baithuti kwa Cape Town se kgoreleditse ditheetso tsa komishine."
"Go rekisiwa gape dikwalo mme batho ba lefisediwa go fetisiwa ga tshedimosetso ka mokgwa wa mekenete . "
"Mafelo a matona ka dipalo ka dipalo mo kgaolong ya legare a akaretsa Palapye le Serowe, a eleng one magae a setso a a mo maemong a bobedi mo Aferika. Kgaolo e e na le melatswana ya Noka ya Limpopo, e e kgaphelang merwalela ntlheng ya botlhabatsitsi jwa noka ya Limpopo."
"bile a sa amogelesege. Modipa yo o ne a atisa go manega dilo tse di maswe ka ena mo mafaratlhatlheng a Thwita. O ne a utlwisiwa botlhoko ke selo se, mme sa ama boitshepi jwa gagwe. Ka matsatsi mangwe o ne a sa batle go tla le sekolong tota. 4.6.2 Ditirwana 4.6.2.1 Kwala athikele ya makasine ka ga lenyalo la ga ramabole Sefularo “The Tiger” Maine yo o itsegeng le naletsana ya mmino Tlotla “Kimmy” Letswalo ba ba solofetsang fa ba tlaa kgaoganngwa ke loso. 4.6.2.2 Kwala athikele ya lokwalodikgang ka ga moento wa Covid 19. 4.6.2.3 Kwala athikele ya makasine ka ga bontle jo bo tlisiwang ke kuno ya go fokotsa mmele. 47"
"Dipoelothuno."
"Ke gone lo rateng moeng, gonne lo ne lo le baeng mo lefatsheng la Egepeto."
"E aname go ya India ba bo1700 gongwe le go anamela kwa Bophirima morago ga thibololo ya kwa China ke morongwa wa Se-Poland."
"Diphoko tse tharo tsa Kerafu di tshwerwe ke tlala e bile di lapisitswe ke go nna mo sekgweng se se tletseng marole le mebitlwa."
"Kwala memorantamo o mo go ona o ngongoregang ka ga lokwalodikgang lo lo sentseng sekolo sa gago leina . "
"Mekgwa e e tlhokang dingongorego go dirwa ka go kwalwa fela e ka siamela mokgatlho mme e ka ntsha badirisi ba le bantsi mo maikemisetsong . "
"Go direng seno, maAforika Borwa a tlhoka go tshwaraganela ponelopele e le nngwe ya gore go nne le setšhaba se se botoka."
"Madume Motho Wetsho go tsa ura le ura tsa moso ono o santse o na le Bahedile Selogilwe mme tsone re di simolola ka gore05DIKGANG Tonakgolo ya mono North West Job Mokgoro o kaile fa a utlwisitswe botlhoko ke go tlhokafala ga mokhuduthamaga wa lefapha la dipuso selegae, matlo le merero ya segosi mo profenseng Gordon Kegakilwe.Ke dikolo di ka nna some a mararo le borataro tse di amilweng ke ditshwaetsego tsa Covid 19 kwa Free State."
"Fetola ditiro tsa gago tsa letsatsi . "
"MotlakaseKabinete e amogetse jaaka phitlhelelo e kgolo go thankgololwa ga Porojeke ya Motlakase wa Letsatsi ya Motlakase o o Tlhotlhetswang ka Letsatsi ya Xina kwa Kapa Bokone."
"Neeletsano e dirisetswa go tsweletsa kakanyo ya mmoki le go tshwaraganya dipolelo . "
"Tlolo-molao nngwe le nngwe e e masisi fa go tweng tlolo-molao e ne e dirwa ke motho , setlhopha sa batho , kgwebo kgotsa setlhopha sa batho se dirisanang 15 mmogo go fitlhelela maikaelelo a a rileng mmogo le leano la sephiri le le dirwang ke batho ba ba rerang go dira sengwe se se seng mo molaong . "
"Thekenoloji ya ntšhwafatso ya motlakase le ya polokelo ya motlakase di tla re kgontsha gore re kgone go fetolela motlakase go nna eneji mme re kgone go o bolokela golo gongwe gore re nne le ona fa re o tlhoka mo tsamaong ya nako."
"Matome a mmegela ka bolwetse jwa ga Sofi jo bo retetseng."
"Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P3 4 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC 1.7.2 [Motswedi: Inthanete] [50] PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 50 Kwalololo e ileditswe Phetla"
"Matlho a gago a tlaa bona dilo di sela fela, le pelo ya gago e tlaa bua dilo tse di lesoko."
"Gape, Molaotlhomo o tla samagana le tlhakano ya ga jaana ya Molao wa Dilekanyetsi tsa Kgwebisano wa 1973.Molaotlhomo ono, o botlhokwa go matlafatsa Mafaratlhatlha a Setegeniki a Aforika Borwa a a totobatsang Maemo, Netefaletso ya Boleng, Katlanegiso le Leano la Dilekanyetsi (SQAM)."
"Letlhomeso la Ditšhabakopano la Tlhabololo e e Tswelelang e bile e Kopanetswe (UNSDCF) la 2020-2025 Kabinete e dumeletse go tsenngwa tirisong ga UNSDCF 2020-2025 la Aforika Borwa."
"Diporojeke di tshwanetse go nna kwa atereseng e e tlhagisiwang mo foromong ya kopo . "
"E thusa gape gore maphata a puso a a farologaneng a se diragatse matsholo a a tshwanang mmogo le go eletsa gore mekgatlho ya baagi le makala a poraefete ke eng se a ka se dirang go ema nokeng bašwa gore ba kgone go fitlhelela ditšhono."
"Direkoto tse di fitlhelwang mo Lefapheng la Metshameko , Botsweretshi le Setso di ka aroganngwa go ya ka direkoto tsa makwalo le direkoto tse dingwe tse e seng makwalo ( direkoto tse dingwe ) . "
"Solomone a bua le Baiseraele botlhe, le balaodi ba dikete, le ba makgolo, le baatlhodi, le kgosana nngwe le nngwe mo go Baiseraele botlhe, ditlhogo tsa makgotla a borara."
"Rre Makgalemele o tlhalositse fa a kopile tona wa dipalamo le ditlhaeletsano, Rre Nonofo Molefhi go ba thusa ka dikoloi mme a re o supile fa a ise a tle mo seemong sa go ba thusa."
"Ke tlaa ba naya pelo e le nngwe fela, ke tlaa tsenya mowa o moša mo go lona; mme ke tlaa ntsha pelo ya sekalentswe mo nameng ya bone, mme ke tlaa ba naya pelo ya senama;"
"Gonne ke ne ke le morwarre, ke le tlekeetso, ke ratega ke le nosi mo matlhong a ga mme."
"Ditshupetso tse di tshosetsang matshelo le dithoto mme di senya mafaratlhatlha a botlhokwa a a ikemiseditseng go direla baagi, di nyatsa yona temokerasi e e tshegetsang tshwanelo ya go dira ditshupetso."
"Metsotso e le kae fela ba gorogile ambulense e ile ya fitlha . "
"Dipodi tsa di diriswang mo mmarakeng wa ‘sedumedi’ gantsi di rekisiwa di tshela go tloga fao go tlhabiwa go ya ka setso."
"Ya re fela ka bonako, ka Jesu a lemoga mo moweng wa gagwe fa ba akanya jalo mo teng ga bone, a ba raya a re: “Ana lo akanyeletsang dilo tse mo dipelong tsa lona?"
"Bana ba dudisiwa fela ba le dimumu mme morutabana o bua nako yotlhe . "
"Simone Petere ya re a bona jalo, a wela fa mangoleng a ga Jesu a re: “Ntlogela Morena, gonne ke motho wa boleo.”"
"sebopego seo sa Molaotlhomo se tshwanela go romelwa go Kokoano"
"Jaanong kwala kgang ya gago ka mo gare ga buka . "
"Neela dikao tse tlhano tsa dikwalo tsa porouse tsa Setswana tse o di itseng . "
"Lo tshwanetse go supa motho gongwe setlhopha se se tla lo emelang . "
"(b) e tshwanetse go ela tlhoko molao wa boditšhabatšhaba, le"
"A re ka go bo kereke eo ene e rotloetsa nyalo ya lefufa, o ne a dirisa tshono eo go nyala mosadi wa boraro e bong Tsholofelo Ramaano ene a tlholega kwa Molepolole, mme le ene a sala Mmantorika le Kanamo ka go nna le bana ba le boferabongwe (9)."
"Ke tlaa ba jalela kwa ditšhabeng; mme ba tlaa nkgakologelwa kwa mafatsheng a a kwa kgakala; ba tlaa tshela le bana ba bone, mme ba tlaa boa."
"E dirisediwa go phasalatsa tiragalo nngwe kgotsa go rekisa sengwe . "
"Moithuti o kgona go kwala mefuta e e farologaneng ya meraba ya boammaaruri le ya maitlhomo a kwalela mabaka a a farologaneng . "
"Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 2 DBE/Ngwanaitseele 2019 NSC – Kaedi ya go tshwaya KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO Mokgwa wa go tshwaya Tekatlhaloganyo  Motlhatlhojwa a se sokelwe dirope fa dikarabo di na le mopeleto o o fosagetseng le diphoso tsa puo ntle le fa diphoso tseo di fetola bokao gonne go tobilwe go tlhaloganya. (Diphoso di nne di supiwe.)  Fa motlhatlhojwa a dirisa mafoko a puo e sele mo go e e tlhatlhobiwang, ikgatholose mafoko ao, mme fa karabo e santse e tlhaloganyega, o se ke wa mo jela maduo. Fela, lefoko le le tswang mo puong e sele le a amogelesega fa le dirisitswe mo setlhangweng e bile le tlhokega mo karabong.  Mo dipotsong tse di bulegileng, dikarabo tsa EE/NNYAYA kgotsa KE A DUMELA/ GA KE DUMELANE di se abelwe maduo. Lebaka/Tshegetso ke yona e e tshwanetseng go tsewa tsia.  NNETE/FOSAGETSE kgotsa NTLHA/KAKANYO e se abelwe leduo lepe. Lebaka/Tshegetso ke yona e e tshwanetseng go tsewa tsia.  Fa go tlhokega karabo ya lefoko le le lengwe, mme motlhatlhojwa a neetse polelo yotlhe, mo tshwae ka nepagalo fa e le gore lefoko le le nepagetseng le thaletswe/ le ntshofaditswe.  Fa go tlhokiwa dintlha di le pedi/tharo, mme go tlhagisitswe tse dintsi, go tshwaiwe fela tse pedi/tharo tsa ntlha.  Amogela dipharologano tsa diteme.  Mo dipotsong tse go tlhophiwang karabo e e nepagetseng mo go tsona, amogela tlhaka e e nyalanang le karabo e e nepagetseng LE/KGOTSA karabo e kwadilweng ka botlalo. POTSO 1 1.1 1.1.1 C/Tsietsa bakgweetsi. (1) 1.1.2 Gore ba se ke ba mo lemoga/O ne a iphitlha. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2) 1.1.3 Nnyaya. O ne a dirisa dithekesi. (2) 1.1.4 Gore a le gakologelwe ka e le letsatsi la tshimologo ya khumo ya gagwe. (2) 1.1.5 Tsa dienjene tse di dutlang oli/Tsa dienjene tse a di tshetseng ka oli. (1) 1.1.6 Madi/Tšhelete. (2) 1.1.7 E ne e le go kgotlhela dienjene tsa dijanaga ka yona fa a sa fitlhele phoso epe gore a di bone molato. (1) 1.1.8 Ke kotlhao ya dijanaga tse di se nang tetla ya go nna dithekisi. (1) 1.1.9 64 (2) Kwalololo e ileditswe Phetla"
"Dikgang08...Methamo ya metsi kwa matamong a farologaneng a santse a le kwa tlase lefa go tsorotlile pula ya maatla ka dibe kwa diporofenseng dingwe tse di akaretsang Mpumalanga mo bokhutlong ba beke...Monna wa kwa Centurion yo o latofadiwang ka go tshola dithunya tse di seng mo molaong, inifomo ya sesole le motokwane o tlile go dira kopo ya beile kwa kgotlatshekelo ya magistrata wa Pretoria moso ono..."
"“Fa sebetso sa lepero se le mo mothong, foo a a isiwe kwa moperesiting;"
"Ke somaretse thagasello ya setshaba sa kgololesego le puso ya batho ka batho, kwa batho ba ka phedisanang mmogo ka kutlwano le ditshono tse di lekalekanang."
"Mo go lotaganyeng goga dikgono tse , go tota kgono e le nngwe go ka isa kwa tiragatsong ya e nngwe . "
"Bontsi jwa ditshwanelo tse di mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo bo sireletsa mongwe le mongwe . "
"Leno ke lebaka la go bo e tshwanetse go tlhabololwa,"" go bolela jalo Robert."
"Dintwa le go kubetsana tsa bagolo ba phathi, di tswa mo matlhakoreng a le mabedi, lengwe e le la tautona Ndaba Gaotlhale, mothusi wa gagwe Wynter Mmolotsi le letlhakore la monnasetilo Nehemiah Modubule le mokwaledi mogolo Gilbert Mangole."
"fa leba go kgabaganya noka ya shashe gaufi le motse tuli zimbabwe tuli ke motsana yo mo kgaolong ya matabeleland mo borwa jwa zimbabwe bonwa dikhilomethara tse di masome boferabobedi mo bophirima jwa beitbridge mo botlhaba jwa lotshitshi la noka ya shashe motsana goletse go dikologa fort tuli mo kileng ya bo le bothibelelo jwa ntlha jwa ba pioneer column ka kgwedi ya phukwi ngwaga wa kwa lefelong le itseng ka selous camp gape le ne le dirisiwa ke frederick selous le neng nna mo go lone fa tsoma motsana nale diofisi tsa sepodisi le mantlo banni motse ka tsenwa fa motho tla tswa ntlheng ya toropo ya gwanda fetla ka guyu gape le hwali kgotsa tswa beitbridge fetla ka nottingham gape le shashi irrigation scheme le fa gompieno tsela se mo seemong se se sa iketlang ditso tuli ne le ntlha nngwe ya ba pioneer column kwa tshimologong mme gape ga tsena merafe menngwe ka bofefo mo matabeleland mme gape go tsenelela mo bokone ga nna salisbury yo leng harare toropokgolo ya rhodesia jaaka ne bidiwa bogologolo tulie ne le lefelo la ntlha mo bokone jwa dinoka tsa limpopo shashe kwa dikago tsa ba europa tse di kgatlhisang di ileng tsa tlhomiwa diofisi tsa sepodisi sa bsa di ne di agilwe ka logong le dikago tse di kgatlhisang tse di neng di agiwa go tsweng lefatsheng la uk mme gape tsa agelwa le babereki ba sepodisi sa bsa ba ba neng ba tlhokometse go kgabagangwa ga noka fela go bapa le borwa jwa dikago ka ngwaga wa dikago tse di ne tsa fudusiwa go tsweng kwa lefelong leo mme gape tsa agiwa gape kwa lefelong le le gologolo gape le le bidiwang fort tuli mantlo ne dirisiwa go baya ditshwantsho tse di tlakilweng tse di neng di kgatlhisa tse di neng di tshwantshiwa ke banni ba old fort bodikologo jwa tuli tuligape aga bodikologo jwa selekanyo sa mile bontlha bongwe jwa borwa jo bo atlologelang kwa borwa jwa noka ya shashe bodikologo jo bo ne jwa simololwa ke ba pioneer ka ditumalano magareng ga dikgosi tsa motse jaaka lefelo le le sa kgabagangweng la tiriso ya go fudisa leruo la dikgomo se se ne sa thusa go sireletsa lefelo la phulo go itsa go anama ga malwetse tshwana rinderpest go tsweng mo dikgomong tsa mo gae go ya kwa dikgomong tse di neng di ruilwe kwa borwa le ke lefelo le le sireleditsweng le mo bogompieng leng lefelo la boikhutso le la diphologolo la thuli dikgoge tsa kwa ntle botswana zimbabwe south africa"
"Mme lona, ka lo ne lo sule ka ntlha ya ditlolo tsa lona, le ka go tlhoka go rupisiwa ga nama ya lona, ka re, lona, o lo rudisitse nae, ka o re itshwaretse ditlolo tsotlhe tsa rona;"
"Go tsamaelana le mowa o , re tla dirisana le Palamente go itlhaganedisa go fetisa Molaotlhomo wa Bolaodi jwa Tiriso ya Lefatshe . "
"Mo mabakeng mangwe badiri ba ka thusa batho go bona ditharabololo tse di bonako kwa bothateng jwa bona . "
"Go ya ka molao wa boagisanyi , mogopolo wa taolo o theilwe mo dintlhatheong le melawana e le mmalwa . "
"“Ke bile ke lo tshwaretse pula, go sa ntse go le dikgwedi di le tharo go ya thobong; ka nesetsa motse o mongwe pula, ka khutlisetsa motse o mongwe pula; mo gongwe ga nelwa ke pula, mme kwa go se kang ga nelwa ke pula gone ga swaba."
"Tiro ya dirwepuo molomo o kwetswe . "
"Baithuti ba tshwanetse go buisa pele kwa gae pele ba tla go buisa fa pele ga barutwana ka bona . "
"Baeteledipele ba ikanne go akofisa go dira ga Mophato o o nnang o Eme sejaro wa Aforika (ASF).Kabinete e akgotse maiteko a AU a a lebisang kwa kopanong e kgolwane ya kgaolo le kgwebisano ka go tlhomiwa ga dipuisano tsa go tlhamiwa ga karolo ya kgwebisano e e gololesegileng mo kontinenteng e leng se se tla dirang gore go nne le kgolagano e e maatla magareng ga diikonomi tsa Aforika.2 Gape Kabinete e amogetse kopano ya Ditona tsa AU tse di Ikarabelang mo go tsa Bong le Merero ya Basadi e e neng e tshwerwe ka la bo 12 Seetebosigo 2015, go latela Phanele ya Maemo a a kwa Godimo (HLP) ya Bobedi ya AU ya merero ya Tekatekano ya Bong le Maatlafatso ya Basadi e e neng e tshwerwe go tloga ka la bo 10 – la bo 12 Seetebosigo fa thokonyana ga Kopano ya Tlwaelo ya bo 25 ya Kokoano ya AU, ka fa tlase ga Moono wa: ""Dira gore go Diragale ka go Akaretsa Basadi ba ba mo Lephateng la Kgwebo ya Temothuo mo Mererong ya Ditšhelete"".Dipoelo tsa dikopano di le pedi e nnile Kitsiso le Boikuelo jwa gore go tsewe Dikgato malebana le Go Akarediwa mo Mererong ya Ditšhelete mo Kgwebong ya Temothuo."
"tirong."
"O beye senno sa boutlwelo botlhoko mo godimo ga letlole la tshupo, mo felong ga boitshepo jwa maitshepo."
"Aberahame a raya felo foo leina a re, Monei; jaaka go tle go buiwe le gompieno go twe, “Mo thabeng ya ga Jehofa-o-a-naya”."
"Tiragatso ya kitso kgotsa neelano ya thekenoloji mo nakong e ya diphetogo e ka nna tshimololo ka boyona . "
"Melaetsa."
"Tuelo ya kopo e e beilweng ya R35 e duelwa ka mokgwa wa ditempe tsa Lotseno , tse di ka rekiwang go tswa Kantorong ya Poso . "
"Mokopi o tshwanetse go dirisa foromo ( Foromo ya A ) e e gatisitsweng mo Kaseteng ya Puso ( Kitsiso ya Puso ya R187 ya 15 Tlhakole 2002 ) . "
"Go tlhagisitswe mananeo a saense a le 10 ke Lephata la Saense le Mekgatlho mmogo le waelese ya SABC mo pakeng ya magareng ga Ngwanaatsele 2000 le Ferikgong 2001 . "
"Botlhe fela ke dirukutlhi tse di utlwisang botlhoko, ba kgarakgatshega ka ditlabeletso; ba ntse kgotlho le tshipi; botlhe fela ba dira mo go bodileng."
"Kwa Baala molelwane wa menogela ntlheng ya bophirimatsatsi go ya thabeng ya Seire, wa fetela kwa lotlhakoreng lwa thaba ya Jearime ntlheng ya botsheka (ke one Kesalone), wa fologela kwa Bethešemeše, wa feta ka fa Timena."
"Kabinete e tlhomamisitse gore go phasaladiwe mo Kaseteng ya Puso Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditlamo wa ngwaga wa 2018 gore baagi ba dire ditshwaelo ka ga one."
"Molaotlhomo o o tshitsintsweng wa bosetšhaba kgotsa wa porofense o o"
"Kabinete e ikuela gape mo go Tonakgolo Makhura go netefatsa gore go tsewa dikgatokgalemo tse di maleba kgatlhanong le botlhe ba ba ka neng ba dirile ka tsela e e sa siamang gongwe ba dirile tiro ya bona botlhaswa."
"“Mme ya re re fitlha kwa go rre motlhanka wa gago, ra mmolelela mafoko a morena wa me."
"Thuto e,e tla go tsaya diura di le 10 . "
"Matlhotlhapelo a Jagersfontein."
"Mopalamente o supile fa metsi a sediba a se motlhofo go kgotlhelesega mme a ba solofetsa gore o ba bonetse didiba tse dikgolgolo a bo a epa didiba kwa go senang didiba teng mme di tlaa dirisa marang a letsatsi ka one a se turu jaaka diesel."
"• Tlamelo ya motlakase le gase"
"Pegelo ya Pakagare ya Pholisi ya Tekanyetsokabo (MTBPS) Kabinete e tshegeditse ka botlalo leano la matlole le le adilweng mo teng ga MTBPS ke Tona ya Matlole, Enoch Godongwana kwa Palamenteng ka Labone, 11 Ngwanaitsele 2021, le le romelang molaetsa o o bogale tebang le boineelo jwa rona mo go sireletseng matlole ka manontlhotlho."
"Fa re ya le seane ka fa se buang ka teng, se raya gore logong lo kgona go obiwa, go obega, fa lo sa ntse lo le metsi."
"Motlhatsa o butswetsa ka bonako mme ditlhare di kotulwa tsatsi le tsatsi, gantsi mo pakeng ya dikgwedi di le mmalwa."
"Ba bolelele o re Jesu o go bolokile le gore o mo tseleng e ntìha jaanong."
"Le botlhe ba ba itseng go tshwara dikankasi, le batsamaisi ba dikepe, le basimaganyetsi ba dikepe mo lewatleng, ba tlaa fologa mo dikepeng tsa bone, ba ema fa fatshe."
"(a) Legato la A: Mmasepala yo o na leng bothati jwa khuduthamaga le taolo ya"
"Ke keletso ya ga Sajene Kerupile gore puso bogolo e thuse maiteko a gagwe ka go tshela koloi leokwane le go ba fa lebone kana totshe, ka jaana a tlamega go dirisa totshe ya gagwe fa a thusa fa a begetswe sengwe bosigo."
"Bontsi jwa lefelo le le aperwe ke bojang jo bontsi. Go ka nna selekanyo sa 80% sa go tsoma se se bonwang mo lefelong le sunflower, cotton, maize le peanuts di lemiwa ke lefelong la Bela-Bela le Modimolle. Modimolle o itsege gape ka go lema meretlwa. "
"Gonne o tlogela mae a gagwe fa fatshe, o a thuthafatse mo loroleng."
"Melaetsa ya go akgolwa."
"Tšhata ya Batswasetlhabelo e dumalana le dikaelo tsa karolo 234 tsa Molaotheo . "
"Baeng ba tlaa ema ba fudisa matsomane a lona, ba ditšhaba ba tlaa nna balemedi ba lona le babaakanyetsi ba lona ba mafine."
"Tota , fa go lebilwe sekao se se fa godimo , ka bonetshedi ke lefoko le lengwe fela . "
"Le fa gantsi di bolaya , bašwa ba itse batho ba le bantsi ba ba di dirisang ba ba iseng ba swe . "
"Le ene Eleasare morwa Arone a swa; mme ba mo fitlha mo thoteng ya ga Finehase morwawe, e o ne a e neilwe mo lefatsheng la makgabana la Eferaime."
"SETSWANA PUO YA GAE MEPHATO 4-6 ANAWALEM -ahltaM -lelopiD olopon irides :osiup :okofam :olelopid ay a iynauht oawhstaM EL a oawhstam OUP ak ak ,olonob AST arid arid ,ostafawhstuhkiD OGEPOPID og og id el )anawjestid( ay ay est otelepoM otagK otagK anaw isol ob ,gnenagoloraf ag ASIGAHLT oj a ay eleP/ ahltn olaob oawhstam el id idemahltiob asolahlti oritosteynakaap ast est el omohltiam el awgnahltid OG oynakakid ohstnawhstid e abelam osohpid eltnes e el og alawk EL ostapap okofoltolt ,otelepom aynagelest ay isteynakakiob ALAWK asigahlT gnasidogk awj abelam id est oup og ast arid alawk alawk asteleob ahltohlt asigahlt alawk asiriD asiriD osiup asiriD ,oup otagkiD 3 OG oG og oG oG oG oG oG ORAHTIDEWGK oG • • • • • • • • • • ,osterakakoynakakid og est id ALELEBEL ay :osiup ahltnid og ostik ay aleesti est ast olaob 5 eleaF ,gnestebotot/gneligehtegk alahltem ak ohstnawhstid gnewgnahltid OTAHPOM om ast anob asirid og aleawhst ,olawkom awst astogk anabaturoM onaamagotid ,osirit ,gnetid astogk EL og ASIUB og gnololokagkakub ohltam anob ay og ast om ,alamm ostapap elepalenob gnelitef awgnahltes el ay og ostewhst alelebeL ikinegetid gnawisirid asidolt OG idewsteM asiriD aloko :onop e asiuB id e • • AY ostapap elepolenop ostalasahp ak /gnestebotot oynistihstid alober ORIT( oynakakid ay astogk id eleaF ewgnom og est AUB ak )OMOLOM anasiub om astogk anabaturoM :onestam ologkahltnid ay el isteynakakiob id el oynakakid el oynakakid ogohltid OG ofonon oltukiam est awst el olegep gneligeseleawhlt EL og gnololokagkakub ewgnom ast ahltnid .gneligehtegk ast ASTEER og ak el awgnahlteS ay anawritiD ahpohlT anasiuB asigahlT ay asteeR alegobisT isisob analeeN aynagorA olopogkid asteer idewsteM idewstom alest ak OG oG • • • • • • • • ONOGKID EKEBID 4 – 3 PPKT 63"