input Rre Ntheetsang a re ba bone go tshwanela go rutuntsha balemi ba babotlana ka tiriso le tlhokomelo ya ditshefi, ka puso e thusa balemi ka ditshefi tse di bolayang diji le mhero mo lenaneong la ISPAAD, mme go lebega ba sa ntse ba tlhaela kitso ka tiriso le tlhokomelo ya tsone. O ne a rotloetsa morafe go tswelela ka mowa o o wa tirisanyo mmogo a tlhalosa fa batla felela ba kgonne kgang e ya botlhoka tsebe mo motseng. O ne a tswelela a re ka ngwaga wa 2014 ka kgwedi ya Mopitloba ne ba simolola go epa motheo wa ntlo ba bo ba simolola go kopa dithuso momaphateng le Batswana ka kakaretso go tlatsa mo go se ba neng ba se tshwere kabomme ko kerekeng ba ne ba tlhaetse mme o lebogela go phutholola letsogo gaBatswana. A re ba batla gore ba kgobokanye madi a a ka lekanang go aga ntlo ya dikamore tse pedi, e ba e hirisang gore ba tsenye madi mo letloleng. A re bana ba Modimo ga ba ke ba dirisa madi botlhatswa fa ba a adimiwa ka jalo o dumela fa Modimo o tlaa ba etelela pele go sala mananeo a puso morago. Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Frans Van Der Westhuizen, a re o tshwenngwa ke seemo se se sa tokafaleng sa go salela morago ga go diragadiwa ga lenaneo la nyeletso lehuma kwa Kweneng. O ne a supa fa ba tlaa tsibogela kgang ya gore babereki mo dikomponeng ga ba abelwe kapari ya itshireletso ka jaana eo yone ba na le tetla ya go ka tsereganya kgang ya teng. Mothusa Tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Rre Moiseraele Goya, a re puso e lebogela seabe se kereke e nang le sone mo go tlhabololeng lefatshe leno. Mmamojewa o batla Ipelegeng Banni ba buile seo mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Ngaka Ngaka bosheng. Ba boletse gape fa dikgwebo di tla gola ka tsela e, e bile dipalamo tsa setshaba di tla etela metse ya bone ka tshosologo. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Thwane a tlhalosa fa thuto ya bana e tshwanetse go tsewa ka tlhoafalo ka gore bana ke bone bokamoso jwa lefatshe. Mme Ngwako a re go aga botsalano jo bontle fa gare ga batho ke selo se sentle ka jaana ba bopagana ka dinako tsotlhe go fitlhelela tse ba eletsang go di dira. A re seo se ka kgoreletsa dithuto. Le fa gontse jalo, Rre Ramaribana o ne a kopa batsadi go tshwaragana le barutabana ba dikolo gore ba rute bana Setswana ka gore bana ba dira sentle mo dithutong tsa sekgoa. O ne a re dinako dingwe diphologolo jaaka ditlou le dinare, di a tle di gotlhagotlhane le batsamaya ka dinao, mme ba patelesege gore ba di emele di phatlalale pele. A tlatsa ka go kgothatsa ba ba sa fenyang go tlhoka go kgobega mme ba ithute mo go ba bangwe le gone go dira ka dira ka natla mo nakong e e tlang gore le bone e tle e nne bafenyi. O rotloeditse borre go tlhokomela bomme, a re mme ke sethunya mo lwapeng o tshwanelwa ke go tshwarwa sentle. A re manweenwee ao, a tsenye ka lenga la seloko ka dithoto le madi a go iseng go tlhomamisiwe gore ke bokae. A re ditlhotlhomiso tsa mapodise di sa ntse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile ditiragalo tseo, a tlhalosa fa dikgang tsa go ikgapela botshelo di tshwenya fela thata. Balaodi ba tshwanetse go dirisana le dikomiti Rre Mzwinila o ne a tlhalosa fa kgang ya bone ya gore kgaolo ya Zone 7 e fetoge mo go nneng ‘red zone’ go nna ‘green zone’ e le mo tafoleng ka kopo e setse e isitswe kwa mafatsheng a Europe go kopa gore dikgaolo tseo di ka seke di letlelelwe go rekisa nama ya tsone kwa mafatsheng ao. O supile fa go ne go ka bo go le monate gore banana ba nne teng ka bontsi kwa letsatsing leo, gore e re kamoso ba rute bomonnaabone ngwao le meila ya yone. Kgosi Puso wa Batlokwa, yo o neng a le mo lekokong le le neng le patile Tautona, o boletse fa more mogolo go betlwa wa taola. Fa e sale bogwera bo ema, bana ba basimane ga ba rutiwe ka dikgang kgotsa ga ba bone dikgakololo tse di amang borre. O bile a ba rotloetsa go itoma molomo wa tlase go lema go gaisa ngogola. O tlhalositse fa dikereke di tletse gongwe le gongwe mme e bile di sa tlhole di tlwaelesegile ka se kereke e sa tlholegileng ka sone, mme jaanong batho ba dira ditiro fela tse di sa amogeleseng mo setshabeng. Le fa go ntse jalo, a re fa a fekeediwa ke go reka matlalo, o tswakanya kgwebo ka go sega mateisi le gone go kgabisa ditlhako ka letsela boemong jwa letlalo go itsa gore kgwebo e eme. A re lerato la Modimo ga le ke le fela a supa fa le kereke eo gore e dire modiro wa mofuta oo, e ne e gwetlhilwe ke lerato la Modimo. Letsatsi leo lene la natefisiwa ka mmino wa setswana le maboko, fa bomme ba matsosa ngwao bone bane ba supa tsamaiso ya patlo e dirwang ke bomme. Ke tshwenngwa ke gore jaanong go lebega go na le go itlhokomolosa tsamaiso ya ngwao, ka go lemoga le go tlotla mapolotiki, segolobogolo go na le setilo sa bogosi jo e leng jone bo okametseng bogolo jwa kgaolo, ga gakolola mokhanselara Segwagwa. Rre Nkunda a re balemi bangwe ba rekisa menontshane, go na le ba e dirise kwa masimong a bone jaaka go solofelwa. Mogolwane wa lephata, Rre Thabo Ogotseng o tlhalositse fa ba se na ofisi, ba dimile ofisi e le yone e sa ba lekanan. Mme Kesekang o kaile fa a thapile monana a le mongwe. Fa ba akgela mo phuthegong eo, banni ba supile fa maiteko a puso a go ba namola mo lehumeng a bonala ntswa ba lebanywe ke dikgwetlho dingwe tse di paledisang mananeo ao go dira ka thelelo. O boletse gore ka go sena fa bagwebi ba ba botlana ba ka kgobokanelang teng go rekisa mo Hukuntsi o ne a tshwanela go ipha botlhale mme a tlhophe lefelo le le fa bareki ba farakanang teng gore ba reke dithoto tsa gagwe fa ba tswa mo marekisetsong a magolo, go reka dijo kana diaparo. A re tshwetso e, e tserwe morago ga go ikuela ga barui fa dikgomo tsa bone di sule ka dipalo tse di kwa godimo ka mabaka a a farologaneng. Rre Tsogwane o tlhalositse gore tiro ya go abela ba ba seng lesego mo setshabeng e dirwa ke batho ba ba lorato e bile ba le kutlwelobotlhoko. Ka ngwaga wa 2014 baithuti ba dikole tsa Semolale le Busang kwa Tsetsebye ba ne ba fiwa paka fa ba se segolwane sa Tsetsebye ba ne ba abelwa ditlhako tsa sekole. Rre Mogobe o kopile kgosi Mere gore a nne boineelo mo tirong a bo a gwetlhe batho ka go ba kgatlha ka dikgato tsa gagwe tse dintle. Rre Goya o tsweletse ka go re kereke ke lefelo la tumelo, lefelo la kgomotso, ebile ke lefelo la tshidilo maikutlo. o tsweletse a re o leboga badirelapuso ka ba ba eme nokeng e bile ba ba rotloetsa go tsenelela dikgaisano le ditshupo. O kgadile batsadi ba ba romang bana kwa dipompong tsa metsi ka a bolela fa bana bao ba tshamekisa metsi. Seabe sa batsadi se itumedisa dikgosi Mogolwane wa lephata leo, Mme Tebogo Motlogelwa a re mo dikgwebong tseo, di supa di santse di dira sentle, tse tharo di ole fa di le pedi di santse di tla simolodisiwa. A re pele, ngwana o ne a isiwa kgakala le kwa ga bone mme a kopane le dingwao tsa merafe e sele, mme fa gongwe a palelwe ke go tshela sentle koo. O boletse gore o simolotse ka madi a tswang mo pateng ya gagwe, mme mo nakong ya gompieno a letile go bona dithuso tsa madi go tswa ko lephateng la banana gore a e atolose. O kopile balemi go tlhagola masimo a bone. A re batho boora Mongala ke batho ba ba sa itseng go seba fa ba ngongoregela sengwe ba a bua ba ntshetse kwa ntle. Mokgatlho o lwantsha kgokgontsho Mme Mpetsane o supile gore mo ditlhatlhobong tsa BGSCE, sekole se segolwane sa Masunga se ne sa fenya ka masome a mararo le boraro mo lekgolong, ka jalo sa bona maemo a bone mo lefatsheng leno lotlhe. A re majang le ditlhare di a bo di tlhogile e bile fa mariga a tsena di a omelela mme di oketse kgonagalo ya gore di she. Mo-na-le bogole o na le tshwanelo ya go rutwa se ngwana mongwe le mongwe a se rutwang, mme pharologanyo ya nna ka fa ba rutwang ka teng, ga tlhalosa Mme Ramaribana. Mme Danani Nfila yo o dingwaga tse di masome a mane le boferabobedi wa motse wa Ditladi o dirisa bokgoni jwa gagwe jwa go roka go intsha mo go ramatheka monna yo mosesane. A re thendara e setse e dule go shwafatsa sekole. O ne gape a bua fa a tlaa leka thata go bua le matona gore ba tle go ikutlwela dilelo tsa banni ba kgaolo ya gagwe. E rile a o ba baya pele, Rre Molelo a tlhalosa fa pego e ka balwa fa ngwaga o simologa le fa o ya fifing mme mo diphuthegong tse dingwe tsa khansele, modualsetilo o ka ba fa lefoko la kamogelo ba bo ba tsena mo dikgannyeng tsa metse ya bone. Fa ntsha la gagwe Sup Inspector Olebile Rakhobo wa sepodisi sa pharakano o ne a supa fa ba sepodisi ba gatisitse dikgang di le 125 tsa dikotsi tse mo go tsone go nnileng le dintsho di supa dikgobalo tse di masisi di le 24 le tse di potlana di le 40 mo kgaolong ya kgalagadi borwa go simologa ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha ka ya Sedimonthole e ya fifing. Mo potsolotsong le lekalana la dikgang, moithuti wa pele wa sekole se segolwane sa Shakawe, Rre Gaodirelwe Dineo, o tlhalositse fa ba sa dira sentle mo mophatong wa botlhano ngogola ka ba sa simolola sentle mophato wa ntlha go fitlha ka wa boraro. Motlhatlhelela dithuto yo mogolwane wa tsa boipelego kwa University of Botswana, Dr Kgosietsile Maripe o tlhalosetse fa lefatshe la Botswana e le boswa jwa Batswana. UCCSA e aba ntlo kwa Selebi Phikwe O tsweletse a bolela gore ba batla go abelana maele mo kgodisong ya ngwana, gore baitse mefuta ya kgodiso ya ngwana, seabe sa kereke mo kgodisong ya ngwana le gore ba boipelego ba ka thusa jang fa go na le bothata. A re gape le gone go rotloetsa baratani go nna mmogo ba sa nyalana. O boleletse ba lekalana la dikgang la BOPA mo potsolotsong gore ka letsatsi la dipopelelo le le tlaa dumelanwang ka Sontaga wa beke eno,batho ba kgotla ya Bokaa ba tlaa simolola mogwanto kwa kgotleng ya bone fa ba Phaleng le bone ba tlaa simolola mogwanto oo kwa kgotleng ya bone go ya go goroga kwa kgotleng kgolo ya Shoshong kwa ba tlaa neelang molaodi wa kgaolo ya legare Mme Thobo Mapitse lekwalo la dingongorego. Tshireletso o busetsa Mogotlho phetolo A re Kgosi Sechele 1 e ipela ka mophato wa Matsosa-ngwao o o tshwaraganeng le bone go tshegetsa le go ruta ka ditso le ngwao ya Bakwena. Mo go tse dingwe kgosi o ne gape a supa matshwenyego a banni bangwe ba ba tsweletseng ka go thapa batswakwa e se ka fa molaong le ntswa ba itse gore go dira jalo ke molato. Mme Nthabi o supile fa kgokgontsho e le mefuta mentsi mme e akaretsa kgokgontsho ya mmele, kgokgontsho ya tsa tlhakanelo dikobo, kgokgontsho ya tsa itsholelo le kgokgontsho ya tlhaloganyo le maikutlo. O buile a menne phatla gore ga go na go letlelelwa ope go tsena mo kgotleng a apere borokgwe gonne ga se setho. Molaodi o ne a re gantsi basadi ba tla kwa go bone ba gogomogile maikutlo mme ofisi ya gagwe e ba thusa ka go ba sidila maikutlo le go ba fa dikgakololo. A re puso e ikaelela gore e ngoke e bo e amogele babeeletsi go leka ka bojotlhe go tokafatsa seemo sa matshelo a Batswana ka kakaretso. Mme Lentswenyana le ene o kaile fa a itumeletse go abelwa ntlo mme a bolela fa a kopa Modimo go okeletsa ba ba mo duleng thuso. O boletse mo potsolotsong fa beng ba dipolase ba golola badiri ba bone go sena dingalo dipe go tla dithutong tse di atametswang kwa go bone di tshwana le tlhatlhobo ya mogare wa HIV, go itlhatlhobela malwetse a a farologaneng a tshwana le jwa madi a matona, sukiri le dipampiri tse di ntshiwang gore ba ipalele batle ba nne le kitso. Rre Mothomogolo a re bangwe ba ntse fela ba sena diteseletso ba ithaya ba re ke Batswana ka go bona ba ntse lebaka le le leele mo lefatsheng leno. A re fa ngwana a rurifatsa dipelaelo tsa motsadi ka go dumalana gore o a nwa, motsadi a bue le ene sentle a sa omane gore batle ba kgone go rarabolola mathata kwa ntleng ga go kgopisana. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Mmatseta, kgwedi eno e le lesome, Mopalamente Seretse a kopa morafe go amogela diphetogo tse di dirilweng ka motshine o o tlhophisang, a tlhalosa fa di le molemo e bile go se sepe se se ka bakang tlhobaelo. A re o ne a lemoga fa go roka mateisi le diaparo tsa manyalo go sena dipoelo tse di nametsang,mme ka jalo a simolola go roka paka ya dikole. Mme Ndebele o ne gape a tlhalosa fa go nowa ga bojalwa go amile maduo a sekole se sebotlana sa motse ka jaana bangwe banana e le bone batsadi ba bana bao mme ba sa kgatlhegele thuto ya bana ka jaana ba nna ba le mo sediding. Fa godimo ga leruo, ba Mogapi ba mo abetse setilo fa bodirela puso jone bo mo file sete ya dipene. O tsweletse a re ba ne ba simolola go kgobokanya madi e le komiti mme le kereke e ne ya thusana le bone. A re fa batsadi ba sa rotloetse bana go ithuta kwa malwapeng, bana ba ka retelelwa ke go dira sentle kwa dikoleng. A re seo se supa fa ba lemoga botlhokwa jwa botsogo jwa badiri ba bone. Mopalamente o ne a tlhalosa fa Kuke e le mongwe wa metse e e mo lenaneo la go gokelwa motlakase. O boletse fa a lekile go ruta le go tlhalosetsa barui ba bangwe mme ba palelwa ke go itirela. E rile a simolosa letsatsi la ngwao mongwe wa balemi-barui ba ba tumileng mo kgaolong ya Borolong, Rre Johannes Motshegare a tlhalosa fa go le botlhokwa gore Barolong ba supegetse lefatshe lotlhe gore ba goletse mo temong e le nngwe ya dikao tsa ngwao ya bone. Fa a bua kwa letsatsing leo, Bishop Michael Gaotloge o ne a supa fa kereke ya bone e sa le e simolodisiwa ka ngwaga wa 2000 mme maikaelelo a bone ke go thusa bagodi le setshaba ka kakaretso ka matlhoki a bone ka go farologana le ka lefoko la Modimo. O bile a re le fa ntswa puso e dira maiteko a magolo jaana, go sa ntse go na le dikgwetho tse ba tshwanetseng ba di lwantsha, mme ka maswabi go na le dipego tsa gore bangwe ga ba dirise madi a ba a filweng sentle, fa bangwe ba ba mo ditlhopheng ba simolola dintwa fela jaaka madi a tsena kwa bankeng. O ne a ngongorega ka go re batho ba ba kopileng mananeo a nyeletso lehuma ba sale ba letile. A re le fa go na le bangwe ba ba nang le mokgwa wa go ikgatholosa matshwao a a mo ditseleng, ba tlaa tswa ka ditsela tse di ka dirisiwang go supa tlhwatlhwa ya noka mo matshelong a bone. E rile a buisa phuthego ya kgotla mo motseng oo bosheng,molomaganyi wa tsa temo Rre Galeitsewe Ramokapane a tlhalosetsa banni fa puso etshwentswe ke masimo a a fetogileng naga, le ntswa lefatshe letlhaelelwa ke dijo. A re dithuso tsa lenaneo leo di akaretsa thuo ya dihutsane, dikoko tsa Setswana le dikgaka le a mangwe mananeo a tshwana le go phunyediwa didiba, mme a kaya fa motho a ka thusiwa ka lenaneo le fa a ne a sa akola la LIMID le a nyeletso lehuma ka jaana a tsamaelana. A re ntlo e, e thusa morafe ka go bapatsa dilwana tsa setso tsa kgaolo ya Kweneng mme e bile e ikemiseditse go thusa go tswakanya itsholelo mo kgaolong eo. A re puso e na lenaneo le e thusang balemi go agelela masimo a tlatsa ka go supa fa mo lenaneong leo, molemi a duela bontlha bongwe jwa madi a tereta fa puso yone e duela bontlha jo bongwe. A re kapei ke kgwebo e e mo kopanyang le batho ka go farologana, ka jalo e mo fa sebaka sa go itsalanya le batho. O lebogile puso ka seabe sa yone go mo thusa ka lenaneo la nyeletso lehuma, e bile o santse a na le keletso ya go ka thusiwa go itlatsa mo thutong e a setseng a e filwe. Bakwena ba rotloeditswe go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela matlotlo le ditso tsa bone ka go abela ntlo ya ditso didirisiwa tsa botlhokwa tsa setso le ngwao eseng fela go ikaega ka go di rekisa. Dipaka di fetile tse bana ba ka nnang ba le nosi batsadi ba le kwa ditoropong kgotsa kwa masimo, Rre Garebakwena a akgela. Dikgang tsa bong di ama botlhe Kgodiso ya bana e bokoa kwa Letlhakeng Botlhaba O kgothaditse balemi go lemolola gammogo le go jwala ka polantere gore ba kgone go tshwara bokgola ka bonako. Bobedi jo bo tlholega mo kgotlaneng ya Moatshe kwa Lerala. A re ba tshwentswe ke dikgang tsa bomme ba ba latlhegelwang ke matshelo ka dipalo tse di tsitsibanyang mmele di dirwa ke ba ba reng ba a ba rata. Fa a tswa la gagwe sebui sa tlotla mogolwane go tswa kwa madirelong a matlhabelo mo Lobatse Dr Boitumelo Mogome Maseko a bolela fa e le boitumelo go bo go ipelelwa letsatsi la boithaopi ka setlhogo se se reng my red cross story. Go ne ga tlhalosiwa fa dituelo di ka dirwa ka seatla, ka go diposita mo akhaonteng ya khansele kana ka go gogiwa mo dituelong tsa moikopedi, fela fa ele modirela puso, ba ba mo madirelo a a ikemetseng bone ba ka dirisa methale e mebedi fela wa banka kana letsogo. Mothusa mookamela lekgotla la BTU, Rre Gotlamang Oitsile o ne a kopa maloko go tla ka megopolo e e ka tlhabololang lekgotla mme a supa fa mananeo otlhe a a nankotsweng a diretswe go ba tokafaletsa matshelo. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Tsabong, Rre Ronald Baitsiwe a re maikaelelo a puso ke go isa ditirelo kwa setshabeng ka seo se ka ba thusa go nna le kitso le go tlhaloganya ka ditirelo le maitlamo a puso a a farologanyeng. Rre Monyatse Mbish ene a supile fa e sale ba tswa bogologolong ba kopa puso gore e agelele tsela e e ralalang kgaolo e tswa kwa molelwaneng wa Mamuno ka dikoloi di thula dikgomo. Fa a bua kwa moletlong wa tsamaya sentle wa baithuti ba lokwalo la bosupa bosheng, mogokgo wa sekole seo, Rre Kgaogano Pagiwa, a re tshwaragano le tirisano mmogo magareng ga bone le batsadi ke e e itumedisang segolo jang batsadi ba baithuti ba ba neng ba sa tswa go fetsa lokwalo lwa bosupa. A re mogopolo o mongwe ke gore puso e tsee maikarabelo mme etlhabolole ditshimo tse di sa lengweng e bo e dira tumalano le bagwebi ba temogo lema mme beng ba one ba boelwe ke bontlha bongwe jwa dipoelo. Mongwe wa bone ke Rre Domi Kgatlhang yo o ruileng dihutshane ka thuso ya lenaneo la Nyeletso Lehuma ka 2013. Mothusa kgosi kwa Peleng, Kgosi Modise Senyerelo, o kopile setshaba gore jaaka go tsenwa mo malatsing a boitapoloso a papolo ya Morena, ba tseye molaetsa wa ipabalelo tseleng mme ba o kgaogane le ba bangwe. O kaile fa malatsi a boitapoloso e le malatsi a ba masika le ditsala ba kopanang ka one go keteka malatsi a boitapoloso a botsalo jwa morena le ngwaga o mosha ba le mmogo ka jalo balwetse ba ba leng mo sepateleng bone ba sa bone sebaka seo mme ke sone se se neng sa ama boteng jwa dipelo tsa bone sa ba sa ba gwetlha go dira sengwe. A re ke ka yone nako e e ba tshwanetseng go supa maitlamo mo tirong ya bone gore ba tle ba kgone go fitlhelela tsotlhe tse ba di ikanetseng. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Letsholathebe Mme Kemoneilwe Majoko o rotloeditse dikole tse di senang metlobo ya dibuka go itirela lefelonyana le bana ba tlaa kgonang go nna le sebaka sa go ithuta go bala fa go lone. 'Ntshang leruo mo motseng' Mme Sisila o boletse fa lenaneo la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya leseeng (PMTCT) le supa maduo a kanamo ya mogare go ya leseeng e fokotsegile fela thata. A re e le bodiredi jwa Barclays ba ne ba ikopanya le ba sekole go ba tlhophela bana ba ba bonang e le bone ba ka thusiwang ka e se botlhe ba ba tlhokang. A re fa ngwana a dirile molato, batsadi ba mo lese a otlhaiwe ka fa molaong gore a tsene mo tseleng. A re o ntshitse botshelo jwa gagwe e le setlhabelo go bontshetsa bana ba Modimo ba ba iphitlhelang ba le mo makoeng go ba naya pholo mme a solofetsa balwetse ba ba neng ba phuthegile gore ba dumele fa Modimo a roma lefoko, ka jalo ba tlaa bona pholo. Kgosi o rile le ntswa batho ba Mahalapye ba tlwaetse go jela boipuso mo dikgotlaneng tsa bone, gompieno e le baeteledipele ba dumelane gore ditiro tsotlhe tsa boipuso di ya go tshwarelwa mo kgotleng kgolo gore mongwe le mongwe a kgone go itseela ka tsebe molaetsa wa ga Tautona a ba a bolela fa maikaelelo e le go tlhopha batho ba ba tswang mo dikgotlaneng tsotlhe tsa Mahalapye ba ba tlaa tsenngwang mo komiting ya boipuso. Le fa go ntse jalo Rre Kolojane o tlhalositse fa sexanana seka nowa moro ka jaana maungo a sone a jewa ke diruiwa le batho BOKHUTLO O kaile fa dikomiti di tshwana le tsa metsi le twantsho borukhutlhi di tshwanetse go tsosolosiwa go ritibatsa le go thusa go fokotsa matshwenyego mo dikgannyeng tse dikomiti di itebagantseng le tsone. Rre Baitsiwe o ne a supa fa maitlamo a puso e le go thusa setshaba ka ditirelo ka nako e e tshwanetseng le gone go rerisana ka matshwenyego a bone ka tsholofelo ya gore kwa bofelong ba kgone go tswa ka ditharabololo, dikgakololo le dikeletso tsa bone go tswa mo metseng e e farologanyeng ba tshwaragane le bogogi jwa metse jaaka dikgosi, komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) le komiti ya bodirelapuso (VET). Rre Kgatlhang o kaile botlhokwa jwa gore ba ba thusitsweng ba abelwe dikitso tsa kgwebo gore ba kgone go itshokela dikgwetlho. Ba ne ba kaya fa go sena tsamaiso e e maleba kwa diofising tse di lebaneng le go ntsha mananeo a puso a tshwana le a LIMID le nyeletso lehuma, ba supa fa ditirelo di le bonya e bile go sena boammaruri ka bangwe ba sale ba kanokilwe ka 2014 mme le jaana ba ise ba bone thuso. Mo go tse dingwe, mokwaledi o tlhalositse fa nngwe ya maikaelelo a lephata la gagwe mo ditogamaano tsa go tokafatsa maduo tsa ngwaga wa 2015/2016, e le go rotloetsa tikologo e e siametseng babereki go berekelwa mo go yone. Setshaba se tlaa rutwa tsamaiso Bokaa o lela ka lenyora Kgosi Koitsiwe a re le fa batsadi ba kgaogane, seo ga se reye gore kgodiso ya ngwana e tshwanetse go sekamela golo go le gongwe kgotsa ya imela motsadi a le mongwe. Fa a amogela cheke eo, modulasetilo wa letlole la Nata Development Trust, Rre Kerileng Garebolele o ne a leboga botlhe ba ba neng ba ba eme nokeng le ba ba dirileng gore letsatsi leo le atlege. A re ditselana tshotlhe tse di tsenang mo motseng wa bone ditletse dithothobolo tsa matlakala mme selo ga se ba jese monate. Le fa go ntse jalo, Rre Boko o ne a supa fa dikgoberego tsa BMD di ama UDC mme boeteledipele jwa UDC bo tshepha fa di tlaa fela. O tlhalositse fa mafatshe a mangwe a sa iketla, mme a kopa Batswana gore ba itumelele kgololesego e ba e filweng ka Modimo, a bo a tlhalosa fa mebala ya folaga ya lefatshe leno e supa gore ba seka ba kgethololana ka letso le mmala. Mme Kenosi o tsweletse ka gore ba ne ba itshwaraganya le ba lephata la boipelego la Shoshong go ba thusa go batlisisa ba ba tlhokang thuso. O boletse fa keletso ele gore go nne le kwa ba tla a bonang dithuso teng, jalo a supa fa Maokatumo e tla nna lefelo la ditirelo go ba fokoletsa mosepele wa go ya Palapye. O supile gore fa ngwana a godisiwa ka tsela e e siameng, o ya go gola a itse molemo le bosula. A re o rotloetsa Batswana go ithuta Setswana gore ba kgone go utlwana fa ba buisana. Mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Justice Madome wa kgotla ya ga Pitse kwa Bobonong o tlhalositse fa kgaolo ya Bobirwa e na le dithaba tse dintle, metsi a a elelang mo dinokeng ga mmogo le diphologolo di tshwana le ditlou,ditau, diphala le dikgokong tse di ka solegelang Botswana molemo. O boletse gore sekole ga se a tshwanela go letlelela ope go dirisa bojalwa le diritibatsi mme se tshwanetse gore se gagamatse molao kgatlhanong le tiriso ya tsone. Ba buile jalo, mo phuthegong ya kgotla bosheng. Kwa kokelwang a re bodiredi bo a tlhaela ka go na le baoki ba le babedi ba tiro e ba hupetsang mme ba kopa gore ba okelediwe bodiredi. Ke reetsa thata ka fa ba tlhalosang botaki le ditshwantso tsa bone ka teng mme ke kwatabolola mo go bone gore ke nne motaki yo o botoka, a tlhalosa jalo. Kgosi o ne gape a tlhagisa balemi fa ngwaga ono go gatelelwa thata gore go dirisiwe metlhale ya segompieno ya temo jaaka go lema ka ditselana ka go lemosegile gore fa e dirisiwa sentle e ntsha maduo a a nametsang fa e tshwantshanngwa le ya bogologolo. Kgosi wa Vaalhoek Kgosi Marea Bock o ngongoregile ka banana bangwe ba metse ya BORAVAST ba ba sa tlotleng kgotla ka go apara marokgwe fa ba ya kgotleng. O gatelela fa a kopa batho ba ba kwa Maun go se mo tlela mme ba kgona go tsaya nako ba ise ba se mo tsisetse. O kaile fa monongwga a lemile diekere di robabobedi, a tlhalosa fa a setse a rekisitse bontsi jwa mmidi wa gagwe o o metsi ka Hirikgong, mme mo gompieno a tsweletse ka go rekisa magapu, morogo wa dinawa le ntshe. Rre Moahi a re go lebega go sa nna le therisanyo e e maleba ka jaana go na le batho bangwe ba ba nosang loruo mo letamong le e bile go na le dikereke tse di kolobetsang mo go lone. O ba akgoletse go kgothatsa balemi go tsaya temo tsia gore ba ntshe thobo e ntsi go tswelela ba thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. O supile fa ba itumelela gore ngwao e beilwe gore e etelelwe pele ke magosi. Ba rurifaditse fa e le boammaruri kgaolo ya bone e siametse thuo ya dihutshane jaaka dipodi mme fela ba supa fa ba tshwenngwa ke tiego ya melemo ya dihutshane morago ga go thusiwa ka mananeo a tshwana le LIMID le a nyeletso lehuma, selo se ba reng se baka gore ba latlhegelwe ke leruo ka bontsi. Banni ba Otse mo kgaolong ya Legare ba kgotlhaditswe go shafatsa manyalo a bone gore ba kgone go neelwa ditlankana tsa manyalo go supa fa ba nyalane kafa molaong. Mo maitekong a go tokafatsa tsamaiso ya go isa metsi kwa setshabeng, Rre Senai a re ka thuso ya dikhamphani ka go farologana, ba okeditse dikoloi tse di sielang setshaba metsi. O tsweletse a re o kopa Batswana gore ba tswelele ka mowaoo wa neelano le tirisano mmogo gore ditiro di kgone go dirwa go sena makgwereape. Rre Madome o kaile fa phane e, bangwe ba e rekisa.O supile gape fa setlhare sa mokolwane se se dirang ditlatlana, dipheelo ga mmogo le mebanki se atile thata mo kgaolong e. O rotloeditse batho go tlhaloganya gore lenyalo ga se metshameko. Rre Zibochwa o ne a tlhalosa fa go agwa le go abiwa ga dikago tseo e le sesupo sa ka fa sesole sa lefatshe leno se kgathalang ka matshelo a batho ka teng. Go ya ka mogolwane wa kompone eo Rre Bradley Hall,ba simolotse botsalano le batlhokomedi ba bana bao ka ngwaga wa 2012, mme ngwaga le ngwaga ba ba direla moletlo wa dijo ka malatsi a botsalo jwa Morena. Kgosi Telekelo o bile a kopa batsena phuthego gore ba seka ba bo ba ya WUC ba re ba ya go ikopela ditanka tse Choppies e di abileng, a re bogolo ba rome dikgosana tsa bone. Bishop Seane, yo o neng a etetse kereke eo a patilwe ke baruti le bosister ba kereke eo ka e ne e le letsatsi la Sabata, o ne a etelela pele tirelo ya tshipi ya letsatsi leo, go jesa selalelo, go segofatsa basupi ba tlhwatlhwa ba ga Keresete le gone go bula semmuso lefelo la Grotto. Ka jalo a re go itsetsepela ka lefoko la Modimo go ka dira pharologanyo mo diemong tsotlhe tse ba kopanang le tsone mo matshelong a bone e le setshaba. Go sa le foo kgosi o bile a supa fa tiriso ya bojalwa le yone e tshwenya. A re monongwaga thobo e nnile ntsi ka jalo moletlo o, e tla bo e le tsela nngwe ya go lebogela thobo eo. A re ba ne ba tswa ka mogopolo wa go direla bagodi pele a kaya fa ba gwetlhilwe ke go lemoga gore bontsi jwa nako bagodi ga ba ke ba tsewa tsia. Mme Motswetla o akgoletse Thapong Visual Art Centre go bo e tsweletse ka go supa ditshwantsho tsa gagwe tsa botaki, a tlatsa ka go re tiriso ya maranyane a facebook e mo thusitse gore a kgone go rekisa ditshwantsho tsa gagwe mo gae le ko mafatsheng a sele. Rre Habana a re seo se ba bontsha fa batho ba motse ba amogetse moono wa puso wa go ikabela dikole go di thusa. A re fa motho yo o nang le mogare, ke motho fela jaaka motho mongwe le mongwe fela yo o lwalang bolwetse jo bo sa alafesegeng mme a tshwanelwa ke go mo amogelwa le go neelwa tlotla. A re dinkgo tsa bone ba di tshuba ka dibi gore di butswe di iketile mme pheletsong di sa le di le thata. A re go kopanya baratani ka Re A Nyalana go ba tlhofofaleditse dilo gammogo le gone go itsa ditshenyegelo tse bontsi bo senang tsone. Monni yo o thusitsweng ka lenaneo leo, Rre Benjamin Ratsie o ne a leboga molaodi go ba fa pego ka lenaneo. Venson-Moitoi o itekodisa batlhophi A re nako e tsile ya gore borre ba simolole go kgalemelana fa ba bona ba bangwe ba sa dire sentle, a tlhosa fa go dira jalo go ka dibela leina la ga rre gore le seka la gogiwa mo seretseng. Baoki ba Okavango ba supa lerato O tlhalositse fa bogologolo mapodisi ba ne ba dirisiwa go tshosa batho mme mo nakong eno ba dirisana le batho ka ntlha ya gore borukutlhi bo diragala batho ba bo bona ka jalo go nna motlhofo fa e le bone ba bo begang nako e sale teng. . E re ntswa e le moithuti kwa BIUST a dira se se pharologanyo le botaki, a re maikaelelo ke go tsweledisa talente ya gagwe ya botaki. O tlhalositse fa ditsamaiso tsotlhe tsa go baya madi le melawana di tshwanetse go salwa morago, a tlatsa ka gore ka tshwanelo mongwe le mongwe yo o thusiwang o tshwanetse go nna le faele ya gagwe, mme fa motho a le mongwe a na le dikgang tse di fetang bongwe le difaele di tshwanetse tsa feta bongwe. Rre Kwelagobe o boletse fa kgaolo ya Nata/Gweta e itsege fa e le boremelelo jwa Domkrag ka jalo a kopa batho ba kgaolo eo go ikgata motlhala go baakanya fa go senyegileng teng. One a supa fa mmidi ele dijalo tsedi tlhokang metsi a mantsi mme fela dipula tsa kgaolo ee dile boutsana. A re, molemi o tshwanelwa gape ke go diga letlhaka fa a sena go roba ka le sala le e nwa metsi a a mo mmung e bile le e ja dikotla mo mmung mme balemi ka bontsi ga ba dire jalo. Mokwaledi wa khasele potlana e, Rre Rampootho Kedikilwe, o kgothaditse badiri ba khansele go tsaya dikgakololo le melawana ya ba botsogo ka tsoo pedi. Molao ga o sireletse ba ba nnang ba sa nyalana Nna ga ke a tsena sekole ke feletse ka lekwalo la bosupa, mme ka ke ne ke le motho yo o ratang kgwebo ka bona go le botoka go apaya dijo tsa setso ka e bile go se motlhofo go bona tiro, ga bua Mme Moupanaga. Ba ne ba kopa gore ba neelwe dikgang tse di amang lekgotla nako le nako, le gore go rurifadiwe go nna le seabe ga bone mo ditsamaisong tsa lekgotla. Mongwe wa banana ba ba inaakantseng le temo, Mme Kgalalelo Selagaboy wa masimo a Tsape kwa Takatokwane, a re fa temo e bapisiwa le mohama wa thuo e bogadi bo gaufi fela thata le fa go tsaya sebakanyana go ntsha dipoelo. O tlhalosistse fa maduo ao a 2017 a ABC, e ne e le 69.2 per cent mme gompieno e le 88.9 per cent. Mme Sethono o supile fa lephata la tsa kgwebo, le e fa bomme, banana, banalebogole seemo se se kgethegileng fa go tla mo dithekong tsa puso. Fa ele sengwe go ka twe yo ke ngwana wa toropo yo a kopenetseng fa re kopanetseng teng. Kgosi Puso a re dikgosi di lebaganwe ke kgwetlho e kgolo ya go aga setshaba se se popotla, se se itlotlang e bile e le setshaba se se tsayang karolo. Le fa go ntse jalo, tona o ne a ba solofetsa fa a tla isa matshwenyego a bone kwa go ba ba lebaneng. Kwa bofelong moemedi go tswa kwa ofising ya thuto mo Selebi Phikwe Rre Kenneth Mogapi o supile fa mo ngwageng bana ba basetsana ba tsaya malatsi a le masome matlhano ba sa ye sekoleng ka mabaka a a farologaneng mme gantsi e le one mabaka a letlhoko. Fa a bua ka lephata la gagwe, Rre Butale o tlhalositse fa e le lephata le le filweng boikarabelo jwa go rotloetsa go tlhongwa ga madirelo gammogo le go rotloetsa kabakanyo ya itsholelo gore lefatshe le seka la ikaega fela ka diteemane le ditswa mmung tse dingwe, a tlhalosa fa moepo wa kopore kwa Selebi Phikwe o ne wa tswalwa. Mopalamente wa kgaolo ya Thamaga-Kumakwane yo e bileng gape e le tona mo lephateng le lesha la khiro, pereko le tlhabololo dikitso Rre Tshenolo Mabeo a re banni ba kgaolo ya gagwe ba lebogetse gore kgaolo e tlaa direlwa ditsela di le pedi mo ngwageng ono wa madi ka lenaneo la go tsosolosa itsholelo (ESP). Rre Moribame o kopile batsadi go amogela dimpho tse ka lerato a supa fa ba na le boemedi jwa tlhwatlhwa jo bo kgonang go ba kopela dimpho. A re bangwe ba dirisa matlo a sekole ntswa le one a sa lekane. Motshwarelela mookamela mapodisi wa Werda Inspector Moarabeng Gaborone o tlhalositse mo potsolosong gore tiragalo e ba e begetswe ka Labone wa beke ee fetileng. Mokgatlho o rotloetsa borre go fetola maitshwaro Go etswe tlhoko gore go na le fa go sa gagamalang teng. A re ka jaana motse wa bone o lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditiro e e kwa godimo,o itumelela mananeo a tshwana le tirelo setshaba le Ipelegeng ka banni ba motse oo go akarediwa banana ba kgona go inosa metsi, mme a ikopela mo pusong gore ba okelediwe dipalo tsa badiri ba Ipelegeng. Rre Pheto a re setlhogo sa letsatsi leo se sereng ngwao yame ,boipelo jwame,setla dira gore baithuti banne le kitso e tseneletseng le go bua puo ya bone ba gololesegile . Banni Ba Lecheng ba akgoletse puso mananeo a a tokafaditseng matshelo a bone, segolo jang la dipilisi tsa diritibatsi, thibelo mogare go tswa kwa go mmangwana go fetela kwa leseeng gammogo le go nna le ngaka le baoki ba pelegiso. Kgosi Mosinyi a re o lemogile fa tlhaelo e ya metsi e dirwa ke gore motse oo o godile mo e bileng jaanong dibeelo tsa metsi tse di sa bolong go dirwa bogologolo di sa tlhole di lekana go nosa banni ba motse wa gagwe. A re o tshwenngwa ke dipalamo tsa setshaba tse di tsayang bana ba dikole ka diletso tse di lelelang kwa godimo le go pega bana ba ba fetileng palo. Batho ba kgaolo eo ba ne ba lela ka lenyora le ba reng le tsere phekelo e sele, ba ba tlatsa ka gore ga ba bee kompone ya Water Utilities Corporation sebete, mme ba kopa gore go busediwe lephata la metsi. Rre Taukobong o boletse gore kgang e nngwe e e tshwentseng puso ke ya tshenyetso setshaba. Rre Mogapi a re lenaneo la twantsho lehuma le tsweletse sentle mo kgaolong mo ditirong tse di farologaneng. Fa a latlhela la gagwe, kgosana ya Goo Molehele Rre Basenyegi Toteng o supile fa go na le tlhaelo ya matlwana a borutelo kwa sekoleng se se botlana sa motse oo. Bana sekole sa ithutelo tsa booki ba abetse kokelwana ya Zoroga ntlwana ya matlakala. Le fa go ntse jalo, o ne a kopa maitshwarelo ka seo mme a kopa gape gore a fiwe nako go batlisisa bonnete jwa kgang eo, a tshepisa fa a tla dira sengwe le sengwe se a ka se kgonang go netefatsa gore batho ba bona thuso ka nako. Mothusa tona wa merero ya tsa dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse o buseditse Kgosi Vincent Phologo wa Makopong mo setilong sa bogosi go diragatsa katlholo ya kgotla kgolo ya ditsheko e e duleng ka Hirikgong 31. Gape o ile a tswelela a akgola barutabana le komiti ya batsadi le barutabana ba sekole seo go tla ka mogopolo wa go aga ntlo lehala hala, selo se a boletseng se tlaa tsisa pharologanyo mo dikoleng tse dingwe ka e bile dikole ka bontsi di sena nayo. O boletse fa tiro eo e nnile malatsi a mararo fela gape e ne e sa tsaya nako go rulaganyediwa, ka e ne e le ya tshoganetso mme maduo a ne a bonala. Mmueledi wa molao yo o ikemetseng, Rre Mmoloki Mogobe a re gore kgosana e kgone dikgang e tshwanetse ya bo e le motho yo o itshephang, a na le boikanyego le boikobo mo morafeng o a o eteletseng pele. A re se se ka thusa moepo oo go lwantsha bogodu jwa diteemane motlhofo. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Garethata a re ngwaga le ngwaga o lema ka pula ya ntlha, mme a kaya fa a sa leme tshimo yotlhe ka nako e le nngwe. A re maikaelelo a mokgatlho ke go bona ba-na-le-bogole ba sireletsegile, ba akola ditirelo tsotlhe tse di akolwang ke mongwe le mongwe e bile le ditshwanelo tsa bone di sa gatakiwe ka dinao. O tlhalositse fa mme yoo a kgona go bua le bone ka maranyane a facebook le internet mme ba nna ba mo solofetsa gore e mo tseleng morago ga nako ba fetola kgang ba bua di sele. O tlhalositse fa e rile ka 2011 ba rola kgaisano ya sejana semmuso, maikemisetso e le go se abela sekolo se se tlaa itlhomang kwa pele morago ga dingwaga tse tharo. E ne e rile go le pele, Kgosi Medupe a bolela fa maikaelelo a go bitsa phuthego eo e le go tla go abelana megopolo le batsadi ka methale e e ka dirisiwang go rarabolola dikgang tsa go latlhelwa ga masea mo mantlwaneng a boitiketso. Kgosi Hatshejotlhe Phologo-Seitsang wa Makopong o tlhokafetse kgwedi eno e le masome a mabedi morago ga go lwala ka lobaka. A re fa batho ba nyalane ka fa molaong ba neelwa thuto e e tseneletseng ya malwapa mme seo se tile dikgang tsa dikiteo. Rre Ramosesane a re o ne a lebisa ba lephata la ditsela mo khanseleng seemo sa gagwe mme ba supa fa ba se na tetla ya go tsaya mmu oo, go o dirisa go mo thusa. Le fa gontse jalo, modulasetilo wa VDC Mme Olebile Keoitsi, o boletse fa ba tsweletse le ditiro tsa Ipelegeng mme sebe sa phiri ele gore banni ba motse ga ba na seabe mo go phefatsang metse ya bone le masaka a leruo mo motseng. Ka nako eo gape bangwe Batswana le batho basweu ba ba neng ba tla le seporo ba ne ba aga mabenkele le diotele ka bo 1955, ke gone Palapye a neng a simologa go tlhabologa, batho ba fetolela lefelo leo go nna motse go tswa mo merakeng. O tlhalositse fa go ne go tlhokega gore yo o robegileng a isiwe kwa ntle ga motse, go tlhophiwe fa go leng molatswana teng, kwa a tlaa tlhabelwang thobega teng. Erile a bua kwa motshamekong wa makgaolakgang wa kgwele ya dinao wa lekgotla la borre la Men Sector ka Labotlhano, mothusa molaodi Mme Peggy Kutlase a ikuela mo go borre go fokotsa malwetse a tlhakaneleo dikobo ka go fokotsa palo ya baratani. A re letsatsi le, le itebagantse le go rotloetsa bana ba basetsana ba ba santseng ba le kwa dikoleng go tswelela ka dithuto tsa maranyane go fitlhelela ditoro tsa bone. A re e tlaa re morago batswakwabao ba sena go atlega, ba tsere mananeo a a ntsheditsweng Batswana ke puso,e boe le gone ba simololang go bua ka fa batho ba go nna jalo e seng Batswana ebile ba kgala puso ba re ga e tsamaise dilo sentle ba lebala gore ke bone bafileng motswakwa wa go nna jalo sebaka seo ka go supa fa e le Motswana. Makhanselera a ne a atla mogopolo oo mme a supa fa a tlaa o latedisa gore le bone ba dire jalo. A re go botlhokwa go lemoga fa maiteko a puso a tsweletse go leka go nonotsha bomme mo mebarakeng. Mme Mbaiwa o boletse fa ba ba etela eseng go ba botsolosa dipotso fela, gape le go ba lemela ditlhare ma maungo le meriti. Kgosi Bimbo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa go na le seemo se o ka fitlhelang batsadi ba banyalani ba ne ba sa nyalana kana go ntsha magadi fa ba tsena mo nyalong mme se se bake ketsaetsogo mo dinyalong tsa bana. Mme Tshireletso a re bangwe ga ba bolo go eletsa go nna selo sele sengwe, mme ba patikwa ke itsholelo. Kopo e e dirilwe ke modulaseilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana ya BOXHOMO, Rre Orelebile Baatweng mo phuthegong e e neng e buisiwa ke bagolwane ba khamphani e e thapilweng ke puso go gokela diphaephe tsa metsi mo Mahalapye. O tlhalositse fa ba itemogetse gore go thujwa matlo go batlwa dithoto tse di tshwanang le dithelebishini tse di sepapetla ga mmogo le go kgaolwa ga megala ya motlakase ya kopore. Mo tshekong e nngwe, Rre Tiragalo Seema wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi o ne a lebisiwa molato wa kiteo e potlana. E re ka Setswana se re moroto wa esi ga o ele, a bo a kile a bua nnete fa a lebile Mme Malebogo Boingotlo le setlhopha sa gagwe sa bomme ba kgotla ya Thomadithotse mo Mahalapye. One a digela ka go kopa batsadi go tlhokomela bana ba bone, ba tshwanetse go itse gore bana ba kae ka dinako tsotlhe, gore a bana ba jele, le gone go rurifatsa gore ba ile sekolong le gore a ba boile ko sekolong. O gakolotse banni go leba leba ngwana mongwe wa bone yo ba ka mo romang go nna kgosi, ba tsise leina la gagwe ko go ene Kgosi Segotsi, yo ene a tlaa le isang ko go Kgosi Kgamane go le tlhomamisa. Balemi - barui ba masimo le meraka e e mo tikologong ya moepo wa Karowe ba gakolotswe go nna le seabe mo ipabalelo tseleng. O tlhalositse fa banana ba tshwanetse go tsaya maikarabelo a go ka fetola matshelo a bone ka go dirisa sebaka se puso e se ba fileng go ka dirisa mananeo. O tswelela a bua gore go apaya jaana ga se tiro e e motlhofo ka jaana go le thata go bona dikgong. O ne a gakolola ba ga bone gore ba ye letsemeng ka e le yone nako e e siameng. Ntswa sekole seo se le sebotlana, maduo a sone a a kgatlhisa, selo se ba se kgontshiwang ke tshwaragano ya batsadi le barutabana. A re mme ba Ramatea e ne e le bone ba ba dirisang setsha se se ntsi fa ba Bathoen bone ba dirisa sekgethenyana fela. Rre Bogosi o boletse gore lenaneo le, le aname le dikgaolo le dikgaolwana ka maikaelelo a go ntsha banana mo mekgwatheng, go ba itsa go nwa majalwa, go dirisa ditagi le go nna dinalanyana. Kgosana wa kgaolwana ya Wenela, Mme Elizabeth Sekeseke ene o ne a kopa morafe go ya go ikwadisetsa ditlhopho mo poeletsong e e tsweletseng gore ba kgone go tla go itlhophela moemedi yo ba mmatlang. A re ba le bararo fela ke bone ba kgonneng go atlega, mme se e le tshwanelo ya go ba rotloetsa le go ba ilela. Rre Ramogapi a re ditiro tseo ,di fetotse seemo sa matshelo mo go bao ba ba di abetsweng le ba malwapa a bone. Fa a buisa diphuthego mo kgaolong ya gagwe, mopalamente Makgalemele o kopile morafe gore o agelela masimo, mme a rotloetsa ba diterekere go di baakanya gore di nne mo seemong se se siameng go ka lemela Batswana. Tona wa Ditsha le Matlo, Rre Prince Maele o galaleditse babereki ba lephata la matimela mo kgaolong ya legare go bo ba le seopo sengwe ebile ba sa ipone tsapa ka tirisanyo mmogo e ba e dirang ya go fa ba ba senang bonno seriti sa bonno. Mme Ngwako o boletse fa majwe a boleng jo bo kwa godimo a rekwa masome a mathano a dipula kgotsa e le nngwe, fa a boleng jo bo kwa tlase a rekwa ka masome a mararo le bothano kanti ele nngwe go ya ka mofuta wa majwe a. Central Police Station Superintendent Lebalang Maniki a re ba tshegeditse lekawana lengwe la dingwaga tse di magare le le neng la tsenelela lelwapa lengwe ga mmogo le kampa nngwe ya puso kwa Francistown ka Laboraro ka maikaelelo a go utswa ka dikgoka. O ne gape a supa fa ntlwana ya boitiketso e tsisa seriti mo botshelong jwa motho a tswelela a akgola bao ba ba ileng ba bona gole botlhokwa go dira tiro ya go aga matlwana a. Mongwe wa bana bao, Tumelo Kenosi, yo o dirang lekwalo la bosupa, o kaile fa batsadi ba sa ba rotloetse go rata tiro ya sekolo. Mothusa Tona wa Lephata la Papadi le Madirelo, Rre Sadique Kebonang, a re o tshwenngwa ke gore batho ga ba dirise mananeo a a mo lephateng leo. A re banni ba motse ba ne ba kopile go direlwa megotlha e mebedi le letamo. O ne a bolela fa ka madi ao ba tlaa tlhabolola metse e mene e e okametseng lefelo leo. A re go mo go bone go tswa ka mananeo a e ka reng ba tlogetse tiro jaana a ba tokafaletsa matshelo, a re ba leka go tla ka methale e ba ka buisanang le puso ka yone go lemoga botlhokwa jwa barutabana ba ba tlogetseng ditiro fela jaaka go dirwa mo makalaneng a mangwe. Ditshefi di tlhoka pabalesego O boletse fa kgokgontsho gape e ama maduo a bana mo dikolong ga mmogo le a bagolo mo ditirong. Kgosi wa Bere mo kgaolong ya Ghanzi, Rre Kebonye Mangongorego o tlhokafetse morago ga go tsenwa ke bolwetsI mo sebakeng se se khutshwane. Batsadi ba bana ba bone ba dirang lekwalo la ntlha go fitlha ka la bone kwa sekoleng se sebotlana sa Mantshwabisi ba kopilwe go tshwaraganela bana le barutabana. Dipula tsa matsorotsoro tsa bosheng kwa Bokone Botlhaba di sentse malwapa a le masome mararo le borataro. O supile fa ditlhopho tsa komiti ya VDC di tshwanetse go tshwarelwa kwa kgotleng, e bile go direlwa mo pontsheng, di bopilwe ka maloko a a akaretsang dikgotlana tsotlhe mo motseng. A re bodiredi jwa puso bo tshwanetse go thusa setshaba ka botho le matsetseleko ka nako tsotlhe le gone go isa ditirelo le ditlamelo tsa maemo a ntlha, ba setse morago maitlamo a puso a 10 Point Agenda. Rre Molebatsi a re go tswa goo-Lowe, Batswana ba ne ba ngongoregela katlholo ya P50 fa motho a iteile kgotsa a tlhapaditse yo mongwe, mme se le sone se fetogile go duelwa P5 000 fa motho a bonwe molato. O ne a supa fa bontsi ja batsadi, ba ne ba ntse ba sa tsene diphuthego, mme a re go tla ka dipalo tse di kalo jaanong go supa tlhwaafalo. A re dikgosi ke tsone tse di ka di gogang kwa pele mo go bopeng tshaba ka jaana fa kgosi e buwa e a reediwa. O supa gore o bonye thuso ya go tsweledisa dithuto kwa Ramotswa kwa go nang le barutabana ba ba rutetsweng go ruta ba-tlhoka kutlo. A re puso e ne ya oketsa ditlhwatlhwa tsa bojalwa ga ba ga fokodiwa dinako tsa thekiso ya bojalwa, mme tse go neng go itebagantswe le tsone di tshwana le botsogo jwa motho le tsone dikotsi tsa dikoloi go bonala di santse di tsweletse. Rraboipelego yo mogolwane kwa Takatokwane, Rre Gerald Mahumba o supile fa ba tla leka ka bojotlhe go rulaganya malatsi a tshwana le la mmaraka,go isa ditlamelo kwa setshabeng le go tshwara diphuthego tsa kgotla go leka go amogana le setshaba thuto ka ditlamelo le dithuso tse ba ka di fitlhelang mo diofising tsa bone. Fa a ama ditiro tse di dirwang ka lenaneo la go tsosolosa itsholelo la ESP a re go baakanya matlo a bonno ja barutabana, dikago tsa borutelole motlakase le tsone di tsweletse sentle kwa dikoleng tse dikgolwane tsa Mosetlha le Tsetsebye. Rre Leshope o buile mafoko a mo segopotsong sa malatsi a a lesome le borataro a go lwantsha kgokgontsho kgatlhanong le bomme le bana kwa motseng wa Monong. Tlhokomelo e a reketla Mme Balefile Alone, ke moranodi wa puo ya Sesarwa yo o tswang kgakala a dira tiro ya go ranolela morafe wa Basarwa ba ba sa kgoneng go itlhalosa ka puo ya Setswana mo ditshekong tse di farologaneng kwa lekgotleng la ditsheko. O kopile gore go bewe terekere mo motseng mongwe le mongwe gore balemi botlhe ba kgone go lemelwa ka nako.BOKHUTLO Botsalano bo ka tokafatsa ditirelo Mme Mokgweetsi a re ba itlamile gore ngwaga le ngwaga ba kopane le balemi-barui ba buisane ka ipabalelo tseleng. Mo polotsolotsong le O kaya fa ka nako eo a ne a rata go tshameka ka dipensele le metako mme seo sa aga lerato la botaki mo pelong ya gagwe. O buile se fa a kopane le bagolwane ba thuto kwa Ghanzi bosheng. Rre Kgosietsile o supile fa komiti ya ditlhabololo e setse e kgonne go gokela metsi le motlakase mo matlong mangwe mo kgaolong eo. Fa ema ka a gagwe maitlamo, ntlhopheng wa mokhanselara wa kgaolo ya Moletemane, Rre Johannes Gaosikelwe a re o tla itebaganya le dikgang tsa katoloso ya kokelwana ya Moletemane gore e nne le lekalana la pelegi, le gore a bo e ka bulwa letsatsi lotlhe. Mokwaledi mogolo wa khansele- potlana ya Tsabong, Rre Jimmy Mackenzie o tlhalositse tiro kgolo ya VDC le VET. Kgosi Keipone o boletse mo potsolotsong gore lefa batsadi ba motse wa gagwe bana le dingwaga ba ntse ba nna mmogo e bile ba tshotse bana mmogo le go nna le malwapa e bile bangwe ba bone ba ntshitse magadi, se be sa phiri ke gore batho ba motse wa gagwe ga bana ditlankana tsa manyalo go rurufatsa fa ba nyalane kafa molaong. Ba re e le khansele maitlamo magolo a bone ke go tlhabolola matshelo a banni e seng go ba okeletsa lehuma le kutlobotlhoko. O kgothaditse mongwe le mongwe yo o itemogang a le mo botlhoking go inaakanye le mananeo a puso mme a tlhophe se a itseng a se kgona e bile a se rata go intsha mo lehumeng. BOKHUTLO Nkgo a re e ne e diriswa ka methale e le mentsi, jaaka go baya metsi, go baya bojalwa, go apeela dijo le go baya dijo tse di apeilweng le tse di sa apewang. A re ere ntswa moepo wa Jwaneng, le yone Debswana ka kakaretso, di itlamile go rutuntsha setshaba ka mananeo a tshwana le bo DCAT, go botlhokwa gore batsayakarolo ba bangwe ba tsenye letsogo. Le fa gontse jalo Rre Kedisang a re o na le dikgwetlho tsa go tlhoka lefelo le le siametseng thuo ya dinotshi ka jaana mo nakong eno a ruetse mo gae. O ne a tlhalosa fa e rile ka ngwaga wa 2010 fa puso esimolodisa lenaneo la gore maphata a puso a thuse fa ba bonang go na leletlhoko teng lephata la gagwe la tsaya tshwetso ya go aga leobo la kgotla kwamotseng wa Manaledi. O ne a kopa banni go amogela kgosi ya bone, go mo fa tlotla le go dirisanya le ene sentle. Mothusa molaodi o leboga thata ba Men Sector ka tiro e ntle e ba e dirileng mo kgaolong ya kgalagadi ka ba segile tema mme a kopa mongwe le mongwe le setshaba kakaretso go ema ka dinao ka go tsaya boikarabelo ka seo se ka tlisa phetogo mo matshelong a bone ka go nna le botsogo jo bo siameng. Fa a supa dikotsi tsa dikoloi, o ne a bolela fa mo ngawgeng o o fetileng otlhe, dikotsi di nnile 44 mme gompieno ba setse ba kwadisitse di le lesome. Malope o kopa makhanselara go tsena diphuthego Rre Masole o tlhalositse gore fa kgomo e thudilwe ke koloi mong wa yone o tseelwa dikgato a bo a duela mong wa koloi ditsheyegelo tsa go e baakanya. A re mo malatsing ano go a kgonegaa gore le dikgomo tsa mafulo a a kopanetsweng kana a a sa agelelwang nama ya tsone e ka goroga kwa mmarakeng wa mafatshe a Yuropa fa morui a dirile se se tlhokwang ke lekgotla leo. Mme Moloi o tsweletse ka gore o bapatsa kgwebo ka metlhale e e farologanyeng, a re o fa batho mo motseng dipampitshana tsa go supa se kompone e se dirang. Lephata la boipelego kwa Bobonong le kopane le komiti ya ditlhabololo tsa motse bosheng go rola pego ka fa komiti e ntseng e dira ditiro tsa motse ka teng. O boletse fa ba berekela mo legoeleleng ka ba sena madi mme a solofela fa kemonokeng ya barotloetsi ka tsotlhe tse ba nang le tsone e ka thusa fela thata. Ba ne gape ba re batsadi ba tsee boikarabelo jwa go laola dinako tsa go lebelela ditshwantsho tsa motshikhinyego ga bana, gore ba dirise nako e ntsi mo tirong ya sekole. Mopalamente o ba kopile gape go itshwarele ba ba ba foseditseng gore Modimo le ene a tle a ba itshwarele, a bo a ba kopa gape go lebogela Modimo dipula tse di neleng monongwaga. Ka jalo o kopile lekgotla go ela tlhoko mokwalo o o ikanetsweng o o roletsweng lekgotla ke motlhotlhomisi wa tsheko Sub Ispector Thabo Moje, go tlhalosa mabaka a a ka kgoreletsang go leta tsheko kwa ntle ga ga mosekisiwa Zulu ka a santse a lebanywe ke dikgang tse di fa pele ga makgotla a ditsheko. Tona wa dtsha le matlo RrePrince Maele o ne a lebogela lephata la banana, metshameko le ngwao tiro ekgolo e ba e diretseng motse wa Manaledi a bolela fa ba sa itumedisa motse oofela mme ba itumedisitse kgaolo ya Lerala/Maunatlala ka bophara. O ne a kopa batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekoleng sa gagwe go tshwaraganela le barutabana tiro e tona ya go ba tsenya mo tseleng. Kompone Servest e thapholotse letsogo Bogadi bo fa lenyalo seriti A re fa ngwaga o ya bokhutlong jaana, dilalome ke gone fa di ipapanang teng go tshwarela batho mo mekgwatheng ka ba itse fa ba tsamaya ba tshwere madi a mantsi go rekela ditsala le ba masika dimpho tsa matsalo a morena le ngwaga o mosha. A re boitseme jwa go etela sekolo bo tshwanetse jwa kgala mme batsadi ba dire se se tshwanetseng ka go dira mmogo le barutabana go ntsha maduo a a nametsang. O rile le fa go ne go se motlhofo go ikapela dinotshe kwa pheletsong o ne a di bona mme a di tsenya mo lebokosong a di tsenyetsa sukuri. Mopalamemnte wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse, ene o ne a leboga maloko a BDP aa supileng boineelo mo phathing ka nako ya fa go le thata. O ne a gwetlha bomme ba bangwe go ema ka dinao go na le go ikaega ka borre. O ne a bo a gakolola ba Bokone Botlhaba go loma molomo wa tlase, ba gagamatsa setoropo mo dintlheng tse dingwe, tse ba ka tswang ba butse phatlha mo go tsone, go netefatsa gore ba tsaya maemo a ntlha mo ngwageng o o tlang. Motshwarelela bogosi jwa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai a re magosi a Botswana ka kakaretso ba tshwentswe ke dikgang tsa bogosi. Mo go tse dingwe, mopalamente o ne a supa fa molao o o neng o fetisitswe wa go tlhopha ka mochine o o tlhophisang wa EVM o seegetswe fa thoko, ka jalo ditlhopho tsa mono ngwaga di tlaa tsamaisiwa ka fa di ntseng di dirwa ka teng gale le gale. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Bosinah Moetlo le ene o ne a kopa tautona gore a ba tswe thuso ka jaana ba filwe setsha mo Matshabe Game Park gore ba age dikago tsa ditso (cultural village) mme ga bana madi le ditsompelo tsa go simolola dikago tseo. A re ka ntlha ya dikotsi tse di gapang matshelo a batho kgwedi le kgwedi mo lefatsheng leno, puso e ne ya simolodisa dikomiti tsa ipabalelo tseleng go ruta setshaba ka ditsela tse di ka dirisiwang go hema dikotsi tsa tsela di tshwana le go emisa go fudusetsa loruo mo ditseleng, go emisa go kgweetsa batho ba itontetse dino le go kgweetsa batho ba sena ditlankana. A re go dira jalo go tsenya letseno le le botoka ka a kgona go dirisa ditlhare di le dingwe gantsi, a di boeletsa go tswa fela mo go reng dikeletso tsa baba di tlhokang ke dife. Mme Moupanaga a re botsipa jwa go apaya o bo ithutile nako e a neng a apaya dijo kwa maemelong a dibese kwa Gaborone dingwaga tse di masome mabedi le bobedi tse di fetileng pele ga a tlogela. Thato Cave ke moithuti wa lekwalo la ntlha kwa sekoleng seo, mme o ne a natefisa letsatsi leo ka leboko le a neng a le dira ka bokgabane jo bogolo mme seo sa pateletsa Rre Thamane go tswa ka tshwetso ya go lemoga bokgoni jwa gagwe. A re o apaya dijo tsa setso ebong; bogobe jwa lerotse, koko ya Setswana, morogo wa Setswana le tse dingwe. Kereke ya Spirit Embassy e abetse baithuti ba sekole se segolwane sa Shanganani kwa Tsamaya dikobo, melora, mesangwana ya bomme le tse dingwe, morago ga go amiwa ke molelo o o neng wa senya matlo a basetsana a borobalo Mopitlo a tlhola lesome le bobedi. Kgosi Malope o bolotsa letsema Dr Seretse Khama Ian Khama o diritse lefatshe leno ka bokgeleke a santse a le mmotlana go fitlhelela gompieno, a tlatsa ka go re keletso ya gagwe ke gore ba mo laele ka tsela e e faphegileng. Rre Motlaleng o buile se kwamoletlong wa go ipelela phepafatso ya tikologo ya metse ya kgaolo ya Boteti o oneng o rulagantswe ke khansele-potlana ya Boteti kwa Mmatshumo bosheng, otlhalositse fa tikologo e tlhokwa go somarelwa ke mongwe le mongwe ka dinakotsotlhe gore e seka ya latlhegelwa ke boleng. O tlhalositse fa go le botlhokwa go lemoga botlhoki jwa batho botlhe ka go lekalekana, gore go nne le tshephano, boammaruri le go dira mmogo go sena kgethololo ka seo e le konokono ya setho. Rre Garegope o buile se fa a buisa babereki kwa Tutume bosheng. Fa a bala dipalo, Rre Mokumakwa o boletse fa dipego tsa go thuba mo matlong di nnile 32 ka ngwaga otlhe wa 2014 mme mo nakong eno go simolola ka January di setse di le 6. O tlhalositse mo potsolotsong le BOPA gore ba lemogile fa go na le bagwebi bangwe ba ba dirisanang le magodu a leruo. Phuthego ya khansele ya kgaolo ya Bokone Botlhaba e amogetse mogopolo wa mokhanselara wa kgaolwana ya Gulubane, Rre Dikitso Mandevu, wa go kopa puso go atswa maloko a dikomiti tsa batsadi le barutabana. Le fa ntswa puso e leka go inola banana ba lefatshe leno mo manokonokong a letlhoko la ditiro, bangwe ba itshetse moriti o tsididi fela mme bangwe jaaka Rre Keene Puku wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhanoba inaakantse le mananeo ao. Rre Batshu a re mo dingwageng tse di masome matlhano le boraro, phathi eo e busa, puso e kgonne go tokafatsa seemo sa botsogo, thuto le ditlhabololo ka go farologana mo lefatsheng. A re ba tshwenyegile thata ka go golela pele ga dipalo tsa banana ba ba ikgapelang matshelo le dipolaano tsa marato kwa motseng wa Takatokwane. Mo potsolosong, Kgosi Lekgothu o kaile fa lenaneo la Re a Nyalana le le botlhokwa fela thata ebile le le motlhofo go netefatsa gore batho ba a nyalana ebile batho ba ba nang le keletso ya go nyalana ka lenaneo leo ga ba tseye lebaka go nyalana O tsweletse a kaya fa go le botlhokwa gore baratani ba ba saleng ba nna mmogo ba sa nyalana ebile ele bagolo ba le dirise gore ba felele ba nyalane. Rre Bengane o ne a solofetsa fa monongwaga ba itlamile go dira go feta ngogola le gone go leka go wela mo seelong se ba se segetsweng ke ba thuto. Tiro e ya go bopa dinkgo re e kgona ka bopelotelele le talente ya go bopa dinkgo tse di kgatlhang e bile di na le boleng ga bua Mme Samakha. O tsweletse a supa gore o kgona go tsena dikgaisanyo tsa bagwebi e le tsela nngwe ya go ipapatsa mme a gatelela fa di mo thusa thata ka jaana a kgonne go fenya a ba a atswiwa ka lemmenyana le a kaileng fa le kgona go mo isa golo gongwe. Kgosi Sarona a re se se swabisang ke gore bana ba ba neng ba otlhaiwa ke ba dikole tse di potlana ka jalo ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase. Maphata a a neng a tsibogetse letsatsi leo, a akaretsa lephata la ga molaodi, la dikitsiso, omang, tlhabololo banana metshameko le ngwao, la diphologolo makgabisa naga, khansele, ba kabo ditsha, Legal Aid, dikgolegelo, lephata la matlhoko a leruo le a mangwe. A re go sa tla ka bontsi ga banni kwa tirong eo e e neng e tshwerwe ka Matlhatso go a tlhobaetsa ka go ka fa ba sesole sa Botswana ba ba neng ba ba abela dikago tseo kakanyo ya gore ga baa itumelela thuso ya bone. O ne a lebogela Kgosi Kgari seabe sa gagwe mo thokgamong e e renang mo Hatsalatladi ka go tsamaisa dikgang tsa one sentle. O supile matshwenyego ka go bo bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba ba ne ba seyo kwa mogwantong go itseela ka tsebe molaetsa wa go hema dikotsi. Kgosi Koitsiwe o gakolotse batsadi botlhokwa jwa go batla ditsela tse di maleba tebang le kgodiso ya ngwana fa ba kgaogana. A re khansele potlana e thusa batlhoki ba le 1 503, ba nakwana ba le 1 482, bana ba ba nang le letlhoko ba le 43, balwetse ba ba tlhokomelelwang kwa malapeng gammogo le bana ba dikhutsana ba le 1 851. Kebonang o a ngongorega Rre Mosotho Satomana a re o dule mo masimong a gagwe a itshopere morago ga go tsenelelwa ke dikgomo mo tshimong. Bakaedi Selemela le ene o lebogetse tirisanyo mmogo ya bodiredi, bogolo jang ba ile ba eteletse pele lefoko la kgalemo le tlhagiso pele ba tsaya dikgato tsa go diragatsa dikotlhao. Banni ba Gweta kwa kgaolong potlana ya Tutume ba akgotse tona ya pereko le selegae, Rre Edwin Batshu go bo a iphile nako go ba etela le go buisa phuthego mo kgotleng ya bone. A re bontsi jwa Batswana ga ba ise ba kgone go lema dijo tse ba ka itshetsang ka tsone tsa ba tsa jesa lefatshe. Rre Kalantle are ele Khansele ya Jwaneng ba nnile le dikgwetlho tse di ba kgoreleditseng gore dingwe tsa ditiro di bo di sa wela.Are go batla baitseanape ba ba rutetsweng tiro ya diatla ga mmogo le go dira ditlhwatlhwa tsa ditshenyegelo tsa go ditiro dingwe tsa puso ke gone go diileng dingwe tsa ditiro tse di kabong di setse di weditswe. O boletse fa motlobo wa dibuka wa Maunatlala o na le dipampiri tsa Dailynews tsa go tswa kwa go 2015 e le nngwe tsela ya go netefatsa fa setshaba se sa tlhaele thuto le kitso ka tse di diragalang mo lefatsheng la bone le a mangwe. Mo puisanong bosheng, molemisi yo o direlang kwa metseng ya Takatokwane le Dutlwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Ditiro Bolepya o tlhalositse fa e ne ya re morago ga go simolodisiwa ga lenaneo la ISPAAD ba lemoga dipalo tse di nametsang tsa banana ba ba ikopelang go lemelwa ka lenaneo le. Banni ba ne gape ba itela ka tiego ya go abelwa dipodi ka lenaneo la nyeletso lehuma morago ga go tsenelela dithuto. Mongwe wa banana bao ke Rre Alfred Kedisang , yo o itshetsang ka thuo ya dinotshi go tokafatsa botshelo jwa gagwe. A re mme yoo o ne a ba bolelela fa ene le rre yoo ba ne ba kile ba nna baratani. A re fa go robatswang bana go ne go sena sesupa ditshwantsho mme seo se dira gore bana ba batle go tswa mo sepatela pele ga nako ka ba tlhwaafalela kwa malwapeng mme mpho ya television e tla fokotsa boithobogo joo. Tona wa ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso, Rre Mokgweetsi Masisi, o kopile badiri ba ofisi eo go nna sekao fa ba opela pina ya setshaba. Dr Mwamgemi o supile fa go na le malwetse a a sa tshelanweng a a tshwenyang thata jaaka sukiri le madi a matona. O ne a supa fa go atlega mo kgwebong go akaretsa go dira dithoto tse di nang le boleng. Fa a ba araba Rre Kalantle o ne are go thata go fa babereki ba Ipelegeng diaparo tsa itshireletso ka ntlha ya seemo sa madi. Mme Marathe a re bomme ba tshwanetse gore ba thusane, gape ba rotloetsane e le basadi bamapodisi. Ba ntshitse kopo eo mo diphuthegong tsa kgotla di tshwerwe ke mopalamente wa bone, Rre Biggie Butale kwa metseng ya bone kgwedi eno e le lesome le boferabobedi. O ne gape a opela matsogo morafe wa motse wa gagwe ka jaana a re ba tsena diphuthego tsa kgotla ka dipalo tse di nametsang, mme a ba kopa go itse mosola wa go nna le setsha. Rre Motlaleselelo o tlhalositse fa komiti ya ditlhabololo e le yone e itseng letlhoko la kgaolo ka jalo e mo seemong se se botoka go tlhalosa matshwenyego. A re ka tlholego, sekole sa Grace Kgari se ne se felela ka mophato wa botlhano mme gompienong se tsaya go fitlhelela ka lekwalo la bosupa mme se, se bake tlhaelo ya matlo a borutelo. Mo go le lengwe, barui ba ne ba gakolola gore BMC e ithole morwalo wa go otla dikgomo ba re seo e tshwanetse go nna boikarabelo jwa barui. Fa a amogela baeng Kgosi Bafentse Moatshing a ne a supa fa ba lebogela ditlhabololo tse di dirwang mo sekoleng seo jaaka matlwana a borutelo le matlo a barutabana. A re fa go na le tshwaragano magareng ga baeteledipele ba metse e e farologanyeng, badirelapuso, mapolotiki le setshaba ka kakaretso maiteko a puso a go nyeletsa lehuma mo lefatsheng leno a ka tswa maduo a a nametsang. Kgosi Keeletse Tselawa o lebogetse ka fa komiti ya ditlhabololo ya Lephane e tlhoafaletseng tiro ka teng, selo se a reng se supa tshwaragano le maikarabelo. Ba tsweletse ba re ba tshwenngwa ke go phutlhama ga kgwebo tsa batho ba ba tsereng mananeo a puso mme ba bolela fa go dirwa ke mabaka a akaretsang go tlhoka mebaraka ,metsi ,go diega ga melemo ya leruo, tlhaele ya kitso mo go ba ba thusitsweng le go tlhoka go sala morago mananeo ga babereki. Rre Keitsetse a re pele ga ba itsane le Gender Affairs ba ne ba nna fela mo malwapeng go sena gope kwa ba berekang teng go itshetsa mme a supa jaanong ba ka pakela lephata la Gender Affairs ka le ba thusitse go itlhamela mmereko. Banni ba ne ba tswelela ba supa fa se, se baya baithuti ka fa mosing ka jaana bana ba ya dikoleng ba sa tsenya sepe mo maleng gape le yone kapari e se mo seemong se se itumedisang mme se se feletse se kgoreletsa go ithuta sentle ga baithuti ka jalo go feletsa go nna le kwelo tlase ya maduo mo dikoleng. Merogo e tlodisa monana melatswana Ba re ba tlhaloganya gore ba kabo ditsha ba ne ba diragatsa taelo ya kgotla tshekelo mme ba supa lekgotla ka monwna ba re le nnile maoto a tshupa go abela baikopedi ditsha ke ka moo ba felelang ba ikabela. Letsatsi le le ne le tshwerwe ka setlhago se se reng, He e Zosa Go, se raya gore re a e tsosa. A re tseo ba tlaa di ithekela fa ba setse ba itshwarela ka diatla. O kopile borre go tlogela go kgokgontsha bomme ka go ba thubetsa, a bo a kopa gore le bana ba seka ba berekisiwa ditiro tse di bokete. O tlhalositse fa Rre Dithapo a diretse puso ya Botswana ka lebaka, ka jalo ba sena pelaelo epe go mo fa thomo eo. Kgaolo ya Selebi Phikwe Bophirima e emetwe ke Rre Opelo Makhandlela wa phati ya Botswana Democratic Party (BDP), Rre Dithapelo Keorapetse wa Botswana Congress Party (BCP), le Rre Moeti Mohwasa wa Umbrella for Democratic Change (UDC). Mafoko a, a builwe ke modulasetilo wa komiti ya khansele-potlana ya Ghanzi Botlhaba, ebile e le mokhanselara wa kgaolwana ya Kabakae, Rre Bashi Thiite fa a buisa diphuthego tsa kgotla mo dikgaolong tseo bosheng. Fa batsadi ba ka tshwaraganela bana le barutabana maduo a mantle a ka bonala ka go tlaa nna le yo o tlhokometseng bana kwa sekoleng le mo lwapeng, ga bua Kgosi Thwane. Rre Joel Molatlhegi o kopile gore go tsenngwe dipone tsa mekgwatha mo motseng ka madi a dikgaolo tsa botlhophi go lwantsha masula a a diragalang mo motseng. O tlhalositse fa go setse go na le babeeletsi ba ba supileng kgatlhego mo ditshimong dingwe go lema di Fa a rolela mopalamente ka tsa komiti ya ditlhabololo ya motse, modulasetilo, Mme Kgomotso Radibe o lebogetse mananeo a puso a nyeletso lehuma le Ipelegeng ka a dira sentle kwa motseng oo. Dingwaga di le lesome le boferabobedi tse di fetileng, go ne ga tlhomiwa motsana mo kgaolong ya Ghanzi Bokone, o o itsegeng ka Qabo. Gare o dira ditlatlana ka mokgwa o mosha Ka jalo Rre Maele o ne a gwetlha balemi go tsaya temo ka tlhwaafalo ka ke yone e ka nnang kgwebo ya bone. Metshameko e e neng e le teng go jesa matlho a babogedi monate ke kgwele ya dinao, bolotloa le tse dingwe jaaka volleyball, mme bafenyi go tswa mo metshamekong eo ba ne ba iponela P3 000, mme ba maemo a bobedi ba ikgapela P2 700, fa ditlhopha tsa maemo a boraro le bone di itswetse ka P2 300 le P2 000. Arch Bishop Mereyabone a re moono mogolo wa komiti eo ke go sidila banana ba bangwe maikutlo, go ba aga, go ba gakolola le gone go ba bontsha mosola wa go tsena kereke ka go ka thusa mo go ba ntsheng mo go tsotlhe tse di duleng mo tseleng le go fetola boitshwaro jwa bone. Mme Leburu o rotloeditse bangwe ka ene gore ba se ka ba itsapela go itirela mo botshelo. O tsweletse ka go supa fa kgokgontsho e ama itsholelo ka go dirisiwa madi a mantsi go latedisa dikgang dingwe tsa kgokgontsho mogodimo ga moo fa mokgokgontshi a le mo kgolegelong puso e tlamega go mo fa tlhokomelo ka madi a a seng kana ka sepe. O tsweletse ka go tlhalosa fa motshameko oo, o ba tlhabolola ka ba tle ba kope metshameko ya botsalano mo ditlhopheng tse dingwe tsa motse wa Zoroga. O gakolotse batlhokomedi ba dikhutsana le masiela go tlhokomela dimpho tse di filweng bana gore ba di akole ka boammaaruri. O buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Wenela kwa Maun bosheng. E re ka puso e dira ka natla go tlhabolola matshelo a Batswana, bomme Mmapula Ramosoka le Setlogetswe Moatshe ba bone go tshwanela go tsaya boikarabelo ka matshelo a bone. Mme mosala o ne a supa gape gore dikgaisano ka ntlha ya thotloetso ya boeteledipele jwa lefatshe leno bo dirile phetogo e ntsi thata mo bananeng ka ba sa tlhole ba gobea mo mebileng jaaka pele. A re kgwetlho e ba nnang ba kopana nayo ka nako ya bokopano jwa bone e le ba ofisi ya ga molaodi ke ya go tlhoka go tsisa dikgang tse di ka kopanelwang ke maphata kwa diphuthegong. Rre Matshwenyego Kesamang wa komiti ya barui o boletse fa leruo le dikile le sule ka bontsi ka ntata ya go tlhoka mahulo le metsi. O gakolotse gore mo botshelong motho a tshwanetse go bereka ka thata go fitlhelela ditoro tsa gagwe, a kaya fa dikgwetlho di tshwana le lehuma di ka dirisiwa go rotloetsa mowa wa tebelopele e seng boitlhobogo. Le fa go ntse jalo, o buile fa dikgwetlho tse di ka seke di mo kgobe marapo ka a tlaa itoma molomo wa tlase gore kgwebo ya gagwe e atlege. A re o na le keletso ya go bona bodiragatsi jwa mo gae bo godile, mme ebile bo kgonne go ntsha banana ba le bantsi mo mekgwatlheng le go fetola maitsholo a bone, ba itshetse ka ditalente tsa bone. Rre Petlwana a re go a tshwenya go bona bangwe ba batlhokomedi ba bana ba ba latlhegetsweng ke batsadi mo dikotsing tsa tsela ba itirisetsa madi a bana ba go nna jalo. A re borre ka tlholego ya bone ba tshwanetse ba nna basireletsi ba malwapa gammogo le baletlanyi fa go sena kutlwano, eseng go nna bakgokgontshi ba bomme le bana. Maikaelelo a thuto puisanyo eo e ne e le go lemoga seabe sa baeteledipele ba sechaba mo go lwantsheng kgokgontsho ya bong, go ruta le gore ba tlhaloganye gore bong ke eng, ga mmogo le go itse ka dikgang tsa bong go sa tsewe letlhakore. Rre Mavona a re molemi wa tlhwatlhwa kana yo o tlhwaafetseng o epa sediba a bo a aga le ntlwana ya boitiketso. O buile gape gore go nne le selanyo sa sekale sa thekiso ya tonki gore bareki le barekisi ba rotloetsane. Ka jalo o ne a ikuela mo batsading go dirisanya le barutabana go kgalema bana a bolela fa barutabana ba ka seke ba kgone ba le nosi. Ba supile gape gore ba fiwe sebaka go tswelela ba kwadisa ditsha ka ba simolotse thari. Go ya ka Rre Hulelela, e ne ya re kgwedi eno e le masome mabedi le bone, mosadi mongwe yo o dingwaga di masome a mabedi le boraro, le ene e le wa kgotla ya Moeti a tla go ba begela fa a fitlhetse moswi a akgega mo setlhareng se se fa pele ga lelwapa la bone. Erile fa a lekodisa ka maikaelelo a letsatsi, mogokgo wa Takatokwane Brigade Rre Paul Mosimanegape, o ne a supa fa e le go batla ditsela tsotlhe tsa go tokafatsa botsogo, go rotloetsa batho botlhe gore ba itlhatlhobele malwetse, go isa dithuto tsa botsogo kwa bathong le gone go ruta ka malwetse a a farologaneng. O ne a tswelela a re le fa ba ipaakantse ba na le dikgwetlho tse dintsi di tshwana le tlhaelo ya ditante, ka bontsi jwa tsone di le ko bathong. Kgosi Kgakanyane o rotloeditse setshaba go dirisa dipalamo tsa setshaba ka jaanong malatsi a Keresemose a atamela a ba a kopa bakgweetsi ba emisa go nwa bojalwa ba kgweetsa ka ba tshwere matshelo a batho. Mo go tse dingwe, Rre Pagiwa o supile fa ba sa ntse ba lebanwe ke kgwetlho ya puo, a supa fa bana koo ba dirisa thata puo ya Sekgalagadi thata mme e re morago ba thatafalelwe ke go dirisa ya Setswana le Sekgoa, mme a ikuela thata mo batsading go ruta bana dipuo tseo fa ba le kwa malwapeng. Mme Sedie o ne a supa fa mpho e tla thusa gore balwetse ba kgone go leba dikgang le tse di diragalang lefatshe ka bophara. Rre Sesinyi a re ba bone go le molemo gore ba di lere kwa go Kgosi ka ba itse fa a tlaa di aba ka tekatekanyo a sena go sekamela gope ka jaana bana e le ba gagwe botlhe. O tlhalositse gore go dira jalo go ka thusa go tla ka megopolo e e ka tlhabololang kgaolo ya bone. Rre Moloi a re gape ba na le boranyane jo e leng moalo o ba o dirisang go itse tota gore melelo e fa kae gore ba romele batho le kitsiso nako e sale teng. O ne a re mo dinakong tsa go tshwana le tse tsa go ipela go na le batho bangwe ba ba sa rateng go bona ba bangwe ba ipela, ka jalo a gwetlha batho go tsaya boikarabelo. Modulasetilo wa khansele ya borwa, Rre Mephato Reatile o kopile baruti ba dikereke tsa Kanye gore ba seka ba senya nako ka go kgalana. A re o dumela gape fa borre ba tla kgona jaanong go ikgolaganya le mokgatlho wa Kagisano ka ba tla bo ba kopana le borre ba bangwe. A re olebogela gape gore dilo tse di dirisitsweng mo kagong ya ntlo eo jaaka setlhowa,pinagare , thitelo le kgobati e bofang bojang le tse dingwe ele dilo tse bana ba ka ithutabg ka tsone, a ba are dilo tse di dirisitsweng mo kagong ya ntlo eo di fokoditse ditshenyegelo tsa go reka kwa mabenkeleng. ENDS Mme Tuduetso Botsheleng wa Khuis kwa kgaolong ya Kgalagadi o simolotse kgwebo ya go bopa dinkgwana tsa mefuta e e farologaneng ka ngwaga wa 2006. O tlhalosa gore botlhale jo, bo ne jwa mo inola mo lehumeng ka e bile ga a di direle go ja fela, o kgona go rekisa morogo wa tsone mo motseng. Lenaneo la ntebele ke go lebele ke lone le le ka sireletsang matshelo a batho, dithoto le loruo lwa bone mo dirukutlhing. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Khekhenye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Batsile Kgonkane a re maiteko a puso a go inola banni ba metse e e kgakala le ditlamelo mo lehumeng le go tlhabolola matshelo a bone a a bonala ntswa go na le dikgwetlho dingwe tse di paledisang mananeo go goroga ka thelelo. Kgosi Maforaga o solofeditse go anamisa diphuthego tsa kgotla mo maranyaneng a Facebook ka banana ba tlhola mo go one, a re gongwe ba ka tla ka bontsi. Rre Sebigi a re boitshwaro jwa bone e nne jo bo supang gore ba rutetswe tiro ka maemo a ditiro tsa bone, a re go botlhokwa gore bomme ba rotloetsane ba emane nokeng lefatshe ka bophara. Kgosi o tsweletse ka go tlhalosa fa dingwe tse di tshwenyang ga baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ele dipolaano tse go tweng ke tsa marato tse phelelong ya tsone di phuaganyang bana ele masiela kana batlhoki mo go pateletsang puso go tlhokomela bana ba go nna jalo. Mothusa tona wa lephata la tlhabololo temo-thuo le dijo, Rre Kgotla Autlwetse o rotloeditse banni ba Mmatshumo go dirisa mananeo a a teng a temo-thuo go tlhabolola mohama wa temo-thuo gammogo le go o dira kgwebo. O tlhalositse fa puso e batla go busetsa dikokelwana kwa khanseleng, a supa gape fa e le nnete ba na le mathata a dikoloi tse di rwalang balwetse ka jaana di tlhaela. O ne a wetsa ka go re o ka itumela fa a ka supa dilwana tsa gagwe kwa ditshupong tsa Gaborone. Modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Florah Mpetsane, o gakolotse banni ba Mulambakwena go seka ba ipona tsapa go dirisa mananeo a a diretsweng go tlhabolola matshelo a bone. O ne gape a laela gore Majahi le Ramoswang ba iponatse kwa ofising ya mapodisi ya Morwamosu, Mosupologo mongwe le mongwe fa gare ga nako ya 7:30 le ya 16:30, fa Dihawa a tlaa iponatsa kwa ofising ya mapodisi ya Kokong mo malatsing le dinako tse di tshwanang. Ditholo di inisa banni ba Masingwaneng ka je Go rekisiwa ga lefatshe go a tshwenya A re ka lone letsatsi leo ga a ka a leba kwa morago. O ne a gwetlha banni go ikgapha mo mokgweng wa go rarabolola dipharologanyo ka go lwa mme a ba rotloetsa go ithuta go buisana kana go ka kopa bogakolodi mo batsading kana baeteledipele ba motse. Kgosi Mpeo o kopile batsadi gore ba lebelele botshelo kwa pele, ba itse gore se ba se rutang bana ba bone le bone bana bao ba tsoga ba se ruta ba bo ba se dira mo go ba bangwe. O ne a ba kgothatsa go tswelela ka mowa oo, o a supileng o eletsega e bile o le botlhokwa fela thata ka a re leruo le na le seabe se segolo mo go fokotseng thobo fa le ka lesediwa go senya mo masimong. Mo dikgannyeng tse dingwe, Supt Matlapeng a re ba tshwenngwa ke dikgang tsa petelelo tse di golelang pele mo kgaolong ya bone, tse bontsi jwa tsone di diragalang bosigo kwa mafelong a itloso bodutu, fa tse dingwe e le tse di amang bana ba dikole. O tlhalositse gore seemo se se kekelang se sa borukutlhi se tlhoka gore go nne le tshwaragano le tirisano mmogo ya ba-na-le seabe botlhe. Mopalamente Molebatsi a re noka e botlhokwa ka e ka ngoka ba mafatshe a sele mme le bone ba ka e dirisa mo go tsa temo. Mo bogompienong, Dr Moreki are puso ga e ise e ntshe taelo ya go bulela theko go fitlhelela nako e e tla bolelwang go leka go oketsa tsadiso ya tsone. Tautona Khama o ne a kopa bagolo go ikopanya gore batle ka mananeo a puso e ka ba thusang ka one. Mme Molubi o kopile batsadi gore ba fe bana morero mo lwapeng gore ba kgone go ba thusa go rarabolola dikgang dingwe tse di ka bakang kgokgontsho. Kwa bofelong balekane ba Botswana ba Sefhophe ba ne ba abela Mme Kebathokile Gabosekwe ntlo ya kamore e le nngwe boemong jwa ba lelwapa go supa mowa wa kutlwelobotlhoko. Mopalamente o bile a kopa banni ba metse eo go tsaya tsia dikgakololo tsa ba tepo loapi ka go lema dijwalo tse di sa babalelweng ke mogote o montsi di tshwana le lablab go itepatepanya le seemo sa loapi. O ne a ikuela mo baleming go adimana kana go thusanya le gone go rutana go dirisa didiriwa tsa temo. O ne a supa fa se se ngomolang pelo ka dikiteo tse, e le gore di setse di akaretsa le bagolo ba a reng e ka bo e le bone ba ba kgalemang bana. A re bangwe ba ne ba fiwa dipolase fa setlhare seo se leng sentsi teng mme ba felela ba se ageletse mo dipolaseng tsa bone jaanong ga go motlhofo go se bona. A re le fa mo nakong eno go santse go le bokete mo batsading bangwe, e le komiti ya ditlhabololo ba tsweletse ka go tlhomamisa gore bana ba ya sekoleng. Se se bakile puso go nama e emisitse thekiso ya tonki gotlhelele ntleng fela fa motho a ka e bolaela go ja le ba lelwapa la gaabo. O ne a rotloetsa thata balatedi ba mmino wa Polka go dira ka natla ka go ntsha ditalente tsa bone ka seo gape seka thusa mo ipapatsong go tswakanya itsholelo ka se gape se ka thusa gore ba itshetse gammogo le bana ba bone. A tlatsa ka gore, se se ka ba thusa go tswa mo mekgwatheng mo go bakiwang ke go nna fela ba sa dire sepe. Kgosana Gaofiwe o ne a ba gwetlha go tswelela ka mowa o montle o ba o supileng. O boletse fa ile go lekodisa setshaba ka go segwa ga bojang gore melelo ya naga e tsweletse ka go jwajwaila naga mme selo se se bakwa ke selekanyo sa dipula tse di neleng ka gore fa dipula di le dintsi, le se se ka shang se nna sentsi. O tsweletse a tlhalosa fa motho e le sebopiwa se se botlhokwa go gaisa dibopiwa tsotlhe ka Modimo a mo file tlhaloganyo ya go akanya mme a ba rotloetsa go tswelela ba somaretse botho, boikobo, bonatla le kutlwano ka ke tsone tse di ka ba gogelang kwa dingwageng tse di lekgolo. Mookamedi wa lephata la ipabalelo tseleng kwa Lobatse, Rre Kebaabetswe Keatlholetswe a re jaaka puso e ne ya tsaya tshwetso gore go nne le letsatsi mo kgweding go direla setshaba, lephata la gagwe le tsere tshwetso ya go baakanya kana go shafatsa matshwao a ditsela a a gaufi le dikole. O supile gore e re ka jaana tiro eo e ya go ngoka batho go tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe leno, ga se maikaelelo a bone go dira sogosogwane mo go e baakanyetseng, a bolela fa go dira ka manontlhotlho a a kwa godimo go ka itumedisa ga ba ga supa le yone tlotla e ba nang le yone mo kgosing ya bone. Kgang e, e ama mongwe le mongwe gore a thuse. O supile fa batsamaya ka Matheo 25, e e reng tsayamaya le lefatshe lotlhe o ba rerele efangele. Batho ba utswa leruo, ba a tshwarwa, ka moso ba letleletswe go emela tsheko kwa ntle, mme ba tswelele ka go dira molato oo. O ne a itsise setshaba go inaakanya le ba ofisi ya bone ee kwa Kang yo e leng yone e okametseng kgaolo ya kgalagadi. Rre Ramaabya a re barui ba tshwanetse go ikela tlhoko ka leruo la bone ba le fufuletse ka botlhoko, ka jalo ba tshwanetse go bona madi a a botoka fa ba le rekisa. Poko ya Setswana e gomagomediwa ke go nyelela ka ntlha ya gore batho ba kgatlhegela diteme di sele, le mefuta e mengwe ya bodiragatsi. Go tlhalositswe fa mo dikgaolong tse di masome a mabedi le bobedi tse di nang le diofisi tsa lephata la banana, metshameko le ngwao, ofisi ya kgaolo ya Bokone Botlhaba e ne ya gapa maemo a bobedi kwa kabong dietsele ya monongwaga ya go tlhopha dikgaolo tse di dirang sentle mabapi le ditirelo tsa lephata leo. Borre ba kopilwe go itekodiosa ba botsogo le bakapelo ba bone, ba tlogele go nna ba itlhatlhoba ka maduo a bakapelo ba bone. Tona o batla tokafatso maduo O tlhalositse gape fa Mme nightingale e ne e le modumedi mme a ba rotloetsa gore ba tshwanetse gore le bone ba ikaege ka tumelo ya bone, ka tiro e ba e berekang e tlhoka gore motho a bo a itse Modimo. Kgosi Ramaribana a re di sale di lemile dinaka bogole bogologolo, ka gore ka nako eo go ne go dumelwa gore fa motho a rutegile o tshwanetse go utlwiwa a bua sejatlhapi. Superintendant Maniki a re mme yoo o ne a tsenya P70 000 mo bankeng ya United Kingdom, ka Phatwe go reka koloi mme nako kgolo ke eno. Mogolwane wa mokgatlho wa Dignity Trust Foundation Mme Mokgadi Nteta o ne a supa fa Dignity Foundation e kwadisitswe ka fa molaong ka 2013 mme e setse e abetse dikole di le some. A re se se raya gore ditlhabololo di tla tla mme o ba kopile gore ba itshoke ba nne fela ka mowa o montle o be neng ba akgolwa ka one, a re letsatsi la tuelo le itsiwe ke Modimo. Ba bile ba gatelela gore puso e gagamaletse bao ba ba kgokgontshang ditonki le ba ba di utswang. O kopile batho, bogolo jang bomme, gore ba seka ba tsamaya ba le nosi bosigo ka go le borai, ebile go baya matshelo a bone mo diphatseng. Barutabana le bagokgo ya dikole tse dipotlana le tse dikgololwane ba ba tlogetseng tiro ka bogodi ba ne ba kopane mo Palapye ka Labone go lekodisana ka tse di amanang le lekgotla la bone la Botswana Teachers Union (BTU) e le lantlha mo ditsong. Rre Ngaka a re fa dikhomputara le maranyane di sa bereki ga ba ka ke ba ntsha maduo a a nametsang. A re beng ba dikgomo ga ba etele meraka kgapetsa kgapetsa ka jalo ga ba itse dikgomo tsa bone, mme di itsiwe ke badisa, a tlhalosa fa bongwe borukuthi bo dirwa ke badisa. Le go ntse jalo, a re o ikaelela go ipapaletsa maemo a boeteledipele jwa lekgotla la mafatshe a Aferika la African Union., Dr Venson-Moitoi o ne a tlhalosa fa ditlhopho tsa maemo a, di tlaa tshwarwa ka Seetebosigo mme go itshupile fela mafatshe a le mararo a a nang le kgatlhego ya go ema,. A re ba simolotse lenaneo la thuto ya bana ba bannye go tswa kwa moding mme a supa fa ba ne ba lemoga gore letlhoko la lenaneo leo le teng kwa Mosinki. A re dinotshi tse a di ruileng, ke tse a di utlwalelang di tshwenya banni ba toropo mo malwapeng a bone le tse di kgoreletsang babereki ba koporase ya metsi ya Water di le mo meseleng. Kgokgontsho e e ka diragala mo sephiring kana mo pontsheng mme e felela ka go tlisa kutlobotlhoko le pogisego mo mmeleng,mo tlhaloganyong kgotsa maikutlo le mo go tsa tlhakanelo dikobo. O tlhalositse fa kgokgontsho ya mmele e le tiragalo epe fela e e ka lereng ditlhabi le kutlobotlhoko mo mmeleng wa yo o amegang. Mme Matseka o tlhalositse fa se se utlwisang botlhoko le go feta ele ka fa le bana fela ba ba tseng dikole ba setse ba simolotse go dirisa ditagi kgotsa ba a nwa le batsadi mme go se sepe se se molato. Mme Ramatu o boleletse batsena phuthegong eo gore ditiro dingwe tsa komiti eo di paledisiwa go dirwa ka ntlha ya go tlhoka go tsena diphuthego ga maloko gammogo le go tsena thari mo diphuthegong, mme a bolela fa maikaelelo a gagwe ele go tseela botlhe ba ba sa tseneng diphuthego dikgato tse di maleba ka jaana ofisi ya gagwe ele yone e neetsweng dithata le boikarabelo jwa go okamela maphata a puso mo kgaolong eo. Rre Sinombe a re e le mokgatlho ba ikaelela go tsaa malebela mo mekgatlhong e mengwe e e lwantshang kgokgontsho go thusa go e emeisa gotlhelele mo motseng wa Sebina. Rre Kaventengure o ne gape a rotloetsa ba ba agetsweng matlo jaaka ene ga mmogo le batlhokomedi ba bone go tlhokomela matlo ao gore a nnele ruri mo seemong se se siameng. Rre Mautle o buile jalo mopotsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, a re e le ba sepodise ba ne ba lemalala a laotswe ebile ba dirile ipaakanyo ya maemo a ntlha. Archbishop a re e re ntswa kereke eo e simologile go sena dikago tsa borapelelo tsa sennelaruri, ka go ne go dirisiwa maobo, mo nakong eno go a itumedisa go bona dikago di ema ka dinao, ebile kereke ya Mabutsane e le ya boraro go bulwa semmuso a re seo ke sesupo sa gore ditlhabololo di tsweletse pele. O boletse fa kereke ya bone gape e tlhokomela setlhopha sa bolotloa sa baikopanyi sa Makakatlela se a tlhalositseng fa ba se thusa ka ditsompelo tsotlhe tse ba di tlhokang a supa fa ba kopantswe ke lerato la Modimo fela e seng sepe gape. O tlhalositse fa madi a lefatshe la Botswana le a dirang ka bojanala e le one a dirisiwang go aga dikokelo, go reka melemo le go duela makgetho. Le fa go ntse jalo, Mme Dibere o supile fa a sa ipone tsapa ka go nna a ipapatsa mo motseng, ka jaana go santse go le thata gore a bone bareki. A re boitsholo jo, bo ne bo tsisa thokgamo, tirisano mmogo le lerato mo morafeng wa maloba. O supile fa dikgaisanyo tse di le mosola thata ka di rotloetsa botsogo jo bo itekanetseng mo tirong. Banana ba Francistown ba inosa nkgo ka thoko Mo potsolosong le BOPA, bagwebi ba ba botlana ba ba ikaegileng ka go rekisa maungo le merogo, go akaretsa le ba kapei ya dijo le dimausu ba tlhalosa fa kgorogo ya lebentlele la Shoprite Usave e sa gomagometse go nyeletsa dikgwebo tsa bone ka nngwe tsela mme ba itemogetse kgolo ya kgwebo fa esale marekisetso a tlhongwa mo motsaneng wa bone. A re e le ba sepodisi ba itemogetse gore bomme ba kgona go ipaya mo diphatseng tsa go thubediwa ka go tsamaya bosigo kwa dibareng kana ba buledisiwa ke batho ba ba sa ba itseng go tswa kwa dibareng. O tsweletse a re barongwa ke badiragatsi ba molao ka e le bone ba isang dipampiri tsa tshwetso e lekgotla le e tsereng kwa go yo go ngongoregiwang ka ene, tse fa gongwe di tlhokang tuelo ya madi kana thekiso ya dithoto. A re selo se ba se itumelelang ke gore bana ba Mosinki ba na le kgatlhego mo lenaneong le. Rre Tsogwane a re puso ga e robadiwe ke dikgwetlho di akaretsa lehuma, letlhoko la ditiro, le go tlhaelelwa ke ditlamelo ga bana bangwe ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi. Ka bomme ba ba nang le mogare wa HIV ba lebanwe ke diphatsa tsa go ka tsenwa ke kankere ya molomo wa popelo, Mme Modebedi o ba gakolotse le bone go dirisa kokelwana e. Rre Bogosi a re tshwetso e ya go sa tseyeng karolo ga banana, go ba baya ka fa mosing go itse mananeo a ditlhabololo a a ba amang. Bontsi jwa baikopedi e leng banana ba ba ne ba akgola se. Fa a tlhalosa ka mohero wa tlolela Rre Kapeko are mohero o otsile otswa ko lefatshe la Namibia mme mo go atenga ga one wa anama le dikgaolo tse dingwe tsa kgalo wa gantsi le kgalagadi o dirwa ke mesepele ya batho le leruo. Ka 2008 bana ba ne ba bolawa ke leroborobo la letshololo mme ga fitlhwelwa mogare wa rota mo mantleng a bone bana ba. A re seemo sa keletso mesepele se ba kgoreletsa go tswa mo manokonokong a itsholelo e e kwa tlase, a re dikgwebo tsa bone di a ba tshetsa mme se se fokotse palo ya ba ba tlamelwang ke puso. A re ka dinako tsotlhe morui a ka seke a fitlhele dijo le melemo ya leruo mme se se felele se baka gore ba latlhegelwe ke leruo la bone le ba le abetsweng ka mananeo a tshwana le la LIMID,jalo a kopa ba ba maleba go tsibogela seemo se ka jaana se kgoreletsa maiteko a puso a go ba inola mo lehumeng. E rile a tswa la gagwe, Kgosi Dick Chikuba wa Masukwane, a kopa Rre Butale go ikgolaganya le ba ba maleba ka seemo sa tsela eo. A re koporase ya metsi e tlhaloganya botlhokwa jwa go thibela bolwetse, ka jalo e tlaa tlhomamisa gore setshaba se bona metsi gore se kgone go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa ka metsi a a phepa le molora jaaka ba botsogo ba rotloetsa. Bomme mo kgotleng ya Mokgalo kwa Molepolole ba ipopile go tlhama mokgatlho Mosadi o Ruta Mosadi go leka go itshetsa. Rre Ralotsia, yo o tlhotseng kwa motseng oo, o boletse fa puso e leka ka maatla otlhe gore Motswana mongwe le mongwe fa a leng teng a dirise mananeo a puso a sesolo jaana ISPAAD le NAMPAAD go ntsha dijo mo masimo le mo loruong mme mo go salang ba bo ba rekisa jaaka puso e rotloetsa. E re le ntswa bontsi jwa batho ba ne ba supile fa ba itse ka moletlo o, tshologelo e ne e le e e boutsana. O tlhalositse fa dikgang tsa batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ba na le dithoto mmogo di golela pele ebile di tshwenya, a re go dira jalo ga go rotloediwe ka go le gantsi go baka dintwa mo bathong ba go nna jalo mme go felele go sena kutlwisisanyo fa ba kgaogana. Rre Bosele a re mo isagong ba tlaa thusa maloko a setlhopha a a sa berekeng ka go ba tlhamela dikgwebo tse dipotlana ka dipoelo setlhopha, e le nngwe tsela ya go ba leboga le go ba supegetsa fa mofufutso wa phata tsa bone o ka fetola matshelo a bone. Rre Malikongwa o ne a akgola ba Khansele ya Bokone Bophirima, a re go supa fa ba gatetse pele ka lenaneo leo la go bereka ka ditlhopa, ka go supafetse fa ba na le mananeo a masha le tshwaragano le maphata a mangwe. O buile jalo kwa phuthegong ya go tsibosa morafe go nna le boikarabelo jwa go fokotsa mathata a a tshwenyang a nnotagi mo lefatsheng leno. Botlhoka tsebe ga bo busetse Kgwetlho e nngwe e e lebaneng kgwebo ya gagwe, o boletse fa e le seemo se se maswe sa tsela ya lekgwarapana e e golaganyang motse wa Mambo le wa Makaleng. Tona wa itshireletso, Molao le Thokgamo Rre Dikgakgamatso Seretse o simolodisitse letsholo la go lwantsha bogodu jwa leruo kwa morakeng wa Lechana gaufi le Palapye. Fa a buisa baphuthegi bao, tona wa tsa meepo, kgotetso le metsi Rre Kitso Mokaila, o tlhalositse fa go aba e le selo se se botlhokwa se se ka tlisang pharologanyo mo botshelong jwa motho yo mongwe. Rre Mackenzie a re komiti ya VDC ke palamente ya motse fa komiti ya badirela puso ya VET e le yone e ba gakololang mo ditsamaisong le ditlhabololo tsa metse. Mafoko a a builwe ke mogolwane wa kokelo ya Letsholathebe Memorial Hospital Rre Kebotlwaetse Kwabala, fa a ne a tlhalosa ka ipelelo letsatsi la botsogo jwa ngwana (child health day) kwa kokelwaneng ya Shashe kwa Maun bosheng. A re kgwedi le kgwedi ba amogela dikgang tse di fetang lesome tsa banyalani ba ba tlhalanang. A re go tsamaya ba le digongwana, ke yone nngwe tsela ya go fema go tlhaselwa. Mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le borataro o falotse ka bobi jwa segokgo morago ga go tsenelelwa ke noga mo ntlong ya gagwe mo Tsabong. Rre Kenosi a re ga a dumalane le gore lefatshe la morafe le ka dirisiwa fela go sena dikatso dipe tse di dirwang. O boletse gape gore kgaolo ya Bokone Botlhaba e ne ya bona maemo a ntlha mo lefatsheng leno lotlhe mo go direng sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa ka ba fentse ka selekanyo sa masome a fera bobedi le sephatlo mo lekgolong, a tlatsa ka go re kgaolo eo ga e bolo go itsetsepela mo maemong ao fa e sale 2012. Mogolwane go tswa kwa lekalaneng la Botswana Life Insurance kwa Tsabong, o ne a tlhalosa fa maikaelelo a ofisi kgolo ya bone ya Botswana Insurance Holdings Limited (BIHL) e le go rotloetsa thuto ya maemo a a kwa godimo. Ba ne ba tlhalosetsa mopalamente fa ba ne ba phakisiwa dihutshane ka lenaneo la nyeletso lehuma, mme jaanong dihutshana tsa bone di ka nna tsa felela di sule ntateng ya lenyora ka gore koporase ya metsi ga e siele leruo. O tlhalositse gore dinotshi di na le dipaka di le tharo mo ngwageng tsa go dira tsina mme gore di nne bogadi bo gaufi o di lemela sonobolomo le maphutshi, gape e le tsela nngwe ya go di tlhokomela. Kgosi o buile se bosheng mo letsatsing la pulo semmuso la kgotla eo jaaka a ne a amogela baeng mo kgotleng. Morafe o ne wa amogela Kgosi Saki ka mabogo oo mabedi. Rre Bosele a re setlhopha sa Phalana tsa Lekgarapa, se se agilwe ka banana ba feta masome a mabedi, mme o lemogile fa ditlhopha tsa mofuta o, di ka ntsha banana ba le bantsi mo mekgwatlheng. Ngwao e tshwanetse go somarelwa Mme Mareledi Madome ke mongwe wa Batswana ba ba ipelegang ka diatla tsa bone ka a itshetsa ka go loga ditlatlana. Basekisiwa ba letetse tsheko kwa ntle ga kgolegelo O supile fa se, e ne ya nna yone tiro ya gagwe ya malatsi otlhe. Lorato lwa gagwe mo loruong a re ke sone seikokotlelo sa gagwe ka e a re dikgwetlho di tlhakaladitse a tlelwe ke kakanyo ya go tswala lesaka a bona o ka re o berekela a e fofe. Mokwaledi ko lephateng la makgotla a ditsheko tsa Setswana Mme Sylvia Ramosiane o kopile batsadi go nna le boammaaruri ka dinako tsotlhe fa ba supela batho. Bagolo ba tlaa bo ba tsena ka P10 fa bana bone ba tsena ka P5. Rre Batshu o buile jaana ka letsatsi la Re a Nyalana kwa Tutume ka Labone mme a re dipatlisiso tse di dirilweng ke ba NACA ka thomo ya ga Tautona Lt Gen. Le seka la letla bo-mabina-go-tsholwa go le tsholela pitsa ntswa e se baapei ba yone. Rre Ramaabya o kopa bao ba e leng gone ba abelwang ditsha e bile ba simolotse go aga go tlhokomela dijarata tsa bone ka go bona gore go na le yo o tlhokometseng dikago nako tsotlhe. Mooki o tlhalositse gore gareng ga dikgang tse ba neng ba rutuntsha setshaba ka tsone, ke tsa kankere ya molomo wa popelo, malwetsi a tlhakanelo dikobo le go kgaola letlalo la bonna. Barutabana ba akgola baithuti Go isiwa ga lefuti la matlakala kwa Lemone mo kgaolwaneng ya Mmalekokopu le gone ga supega go ka seke ga kgonega ka mabaka a gore fa go sikilweng teng ke fa metsweding ya letamo le le nosang batho ba kgaolo eo. Mo potsolosong le lekalana la BOPA, motshwarelela mookamela mapodisi a Machaneng Assistant Superintendent Kebueng Hulela a re kotsi eo e diragetse mo tshokologong ya Mosupologo, fa mokgweetsi wa koloi ya modiro wa Toyota Dyna a ne a latlhegelwa ke taolo. A re ba setse ba kgonne go baakanya matlwana a boitiketso gammogo le go reka ditilo di ferabobedi tse di tlaa dirisiwang ke setshaba. O tlhalositse fa kwadiso ya manyalo e tlaa ema kgwedi ya Morule e tlhola malatsi a le mararo. O kaile gore ba ne ba dirisa madi ao go reka didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang mo kgwebong. A re e rile ba ntse ba senka metsi ba thibelela fa mogobeng mongwe o e rileng ba le fa go one, mme mongwe yo o neng a itsholofetse a belegela ngwana wa mosimane teng; mme a mmitsa leina a re ke Qabo. Rre Ramaselwana o tshepisitse Rre Thamane gore tsotlhe tse di abetsweng sekole seo ba tlaa di tlhokomela, a gatelela ka go re go amogela dimpho ke kgwetlho mo go bone e le batsadi le barutabana ka jaana seo se tlhoka gore ba dirise ditlamelo tseo go nosetsa thuto. Mme Ntau o ne a tlhalosa fa gantsi pula e na ka boutsana mo Kgalagadi mme o gakolola banni ba kgaolo eo go inaakanya le go dira furu eo. A re baithuti ba le batlhano ba tsere A, ba le bararo ba tsereng B, ba le barataro C. A re go dira jaana, go paledisa ngwana go ithuta ka a sa bone morutabana ka sepe fa a ruta. Mme Majagoba o tlhalositse fa go aga ntlo ya ngwao mo dikoleng go le botlhokwa fela thata ka gore bana ba sekole ba tlaa ithuta ngwao ya bone ba bo ba e tlhakanya le dithuto tsa bone. Letsatsi leo le ne le rulagantswe ke ba Village Multisectoral AIDS Committees(VMSAC) mo Lerala ba kopane le ba District AIDS Coordinating office, ba Tebelopele Voluntary Counseling and Testing Centre le ba Men Sector kwa Palapye. A re puso e itlamile go tlhabolola kanamo ya mapodisi le go etelwa kgapetsakgapetsa ga baithaopi ba ba thusang go lwantsha borukutlhi ga mmogo le go ba neela dikoloi tse di faphegileng tse di tlaa kgonang go tsamaya mo ditseleng tsa masimo le tse di sa tsamaegeng. Ke kopa gore re tswelele ka go buisana le go kgaola dikoloto tsa rona, ga tlhalosa Rre Senai. Kgosi Mosielele a re dikgafela di supa mowa wa boipelego o Batswana ba tswang kgakala ka one, ka jaana ba ne ba itshetsa ka go lema ba sa ikaega ka go fiwa ke puso. Mme Loeto o tlhalositse fa batho ba sa tshwanela go ikgatholosa dikgang tse di amang bong le tekatekano, a re go botlhokwa go rulaganya le go tsenya letsogo ga batho botlhe mo dikgang tseo le go tlhaloganya molao gore wa reng le gore thuto e goroge kwa bathong botlhe. Lephata le rotloetsa dikgwebo O ne a gwetlha mokgatlho oo go tsweledisa mowa wa bone wa kutlwelo botlhoko, a tlhalosa fa seabe sa bone se raya go le gontsi ka jaana puso ka yosi e ka seke e kgone go thusa botlhe ba ba tlhokang thuso. A re kgwebo ya gagwe e e remeletseng thata mo go direng mekgabisa ka matlakala, o e simolotse ka 2010 morago ga go rutwa ke mongwe yo o e dirang kwa Mmadinare. Go ya ka Assistant Superintendent Motlhokomedi Ponyane, kotsi e e diragatse mo maitseboeng fa dikoloi tse di thulana mme o boletse fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo. Rre Guma a re Kgosi Jackalas o ba rutile go nna batho ba nnete, ga mmogo le gone go tshwaragana ka pelo e le nngwe. O buile seo kwa Bluetown ka letsatsi la go itlhatlhobela malwetse a mmele ka bosheng o o neng o rulagantswe ke bone ba kopane le ba mokgatlho wa Bagodi Lesedi la Sechaba. Phuthegoo eo e ne e rulagantswe ke ba lekalana la More Power Investment (MPI) ka maikaelelo a go abelana le beng ba lekgotla ka tse di fetotsweng go tokafatsa le go godisa BTU. Fa a neela dipalo tsa letlhoko la ditiro, o ne a bua ka dikete tse di masome a mararo le boferabobedi, mme a re ntwa ba e lole ka jaanong mo dingwageng tse tsotlhe fa e sale lefatshe la Botswana le tsaya puso, go a supa gore tiro e dirilwe ke baeteledipele. Motsadi go tswa kwa Themashanga, Mme Rebecca Matilamba o ne a leboga kereke, a ba kgotlhatsa go tswelela ba supa mowa o montle oo. Pula e e gosomanyeng bosheng kwa Mmashoro mo kgaolong ya Legare e tlogetse banni bangwe ba sena kwa ba ka latsang tlhogo teng. Bagwebi ba lela ka letlhoko la metsi Baphuthegi ba dikereke tsa Kgalagadi Borwa e rile bosheng ba phuthaganela kwa Maubelo kwa ba neng ba tsholeletsa matlho a bone kwa legodimong ba kopa Modimo go emisa dipolaano tsa baratani tse di golelang pele mo lefatsheng leno. Monna o thudilwe ke koloi kwa Makopong E rile a leboga, mokhanselara wa Tshokwe/Tobane, Rre Dintelo Mosweunyana o ne a rotloetsa banana go ikopanya go bua matshwenyego a bone mme e re morago ba a neele mokhanselara wa kgaolo ya bone gore a kgone go ba kopanya le ba maphata a a maleba. Kgosi Thwane o boletse fa manyalo a ko lekgotleng la setswana a letlelelwa ebile a lemogiwa ka fa molaong, a re go botlhokwa gore banyalani ba ye go supa kwa ga molaodi gore a ba tlhakanetse dithoto kana nnyaa mme go nne le maitlamo go netefatsa seo go itsa dintwa tse di nnang di nna fa banyalani ba setse ba kgaogana. O tsweletse a re mo ngwageng o o fetileng ka Phukwi, tiro ya matlalo ya Lerala e ne ya emela kgaolo kwa Gaborone mme ya bona dikatso tsa P10.000, fa godimo ga moo, thekiso ya dithoto tsa letlalo le yone ya nna teng ,a tlatsa ka gore se se ne sa dira botsalano le bagwebi ba ba tswang kwa ntle ka dilwana di ne di kgatlhisa leitlho felathata. A re se se diragetseng ke sebetso sa tlholego ka jalo go seka ga nna le ope yo o ka supiwang ka monwana. O tlhalositse fa banana ka bontsi ba nna fela mo malwapeng mme bontsi jwa bone ba rutegile. O ne a kopa gore go emisiwe kgethololo mo bathong ba ba tshelang ka mogare ka go ka ba itsa go ikamogela mo seemong se ba mo go sone, mmogo le gone go tsaya dikgato tse di maleba tsa go tsena mo lenaneong la diritibatsi le go itse fa go sa ntse go na le botshelo jo bo leele le fa motho a tshela ka mogare. Rre Selatolo a re ka bokopano joo ba amogana dikgwetlho tse ba kopanang natso ba bo ba tswa ka ditharabololo tsa tsone ba le seopo sengwe. Rre Mohutsiwa a re ba tla netefatsa gore melao ya lefatshe la Botswana e a obamelwa, e bile ba tla phuruphutsha ba ba tseneng mo lefatsheng leno e se ka fa molaong le gone go netefatsa gore madirelo a bojalwa a obamela dinako tse di beilweng. O supile gore go abela bana bao dimpho ngwaga le ngwaga go botlhokwa le fa di se kake tsa ba goga lobaka mme di tsisa monyenyo mo difatlhegong tsa bone le fa e le ka nakwana. Mo mafokong a gagwe a tebogo mongwe wa bakgweetsi ba dikoloi tse di pegang setshaba Rre Thoje Thoje o ne a lebogela ba komiti ya ipabalelo tseleng le baemedi ba maphata otlhe aa neng a ruthuntsha a kaya fa dithuto tseo le mosola le gore di tla tlisa pharologanyo mo matshelong ka di ba butse matlho mabapi le ipabalelo tseleng. A re molao-motheo wa Botswana o letlelela gore motho mongwe le mongwe o ka tsaya karolo mo ditlhophong. A re maikaelelo a diphuthego tsa gagwe e ne e le go lemotsha Batswana botlhokwa jwa go kwadisa ditsha le go ba itsise fa khansele e similotse go ba direla ditlankana (title deed) mahala. Rre Reatile o ne a abela kereke mpho ya kgomo, podi le nku fa mokhanselara Pule ene go boletswe a ne a ntshitse P500 go le pele go rotloetsa tiro eo. Lecheng o ipelela thobo Batswana ba rotloediwa go ikanya Modimo Go sale foo, Rre Molebatsi o gakolotse banni fa puso e tlaa seke e duelele balemi temo fa ba lema ba gasa go simolola ka paka e e tlang ya temo, gonne go lemosegile fa go lema ka ditselana go na le maduo a mantle, ka jalo go ka seke ga tshelwa diketekete tsa madi ka motlhobodika ka go rotloetsa mekgwa ya temo e e sa busetseng jaaka wa go gasa. O ne a tlhalosa fa ba itemogetse fa beng ba diterekere bangwe ba sa lemele batho sentle mme se se tsise thobo e e ko tlase fela thata. Mme Koobonye o tlhalositse fa leina Mosadi o Ruta Mosadi bale tlhophile ka e ne ere fa ba kopane ba fane maano le dikgakololo tsa go itshetsa. Se se ne sa mo gwetlha gore a fetolele go bopa go nna kgwebo. A re ngogola o ne a ya go supa ditlhare kwa ditshupong tsa temo-thuo mo Tsabong, mme a ikgapela maemo a ntlha ka setlhare sa Elephant, mme a fetela kwa Gaborone kwa dikgaisanyong tsa makgaolokgang. Mme Keena Kearabile a re ba amogetse dithuto e bile o dumela gore ke boammaruri bangwe ga ba dirise ditsela sentle. Ba kopiwa go dirisana le makalana Fa a rurifatsa tshwetso eo, rrangwanaagwe Kgosi yo mongwe, Rre Slumber Sebele, o supile fa tshwetso eo, e ne e sena marara ape ka ntlha ya go bo ba itlhalogannya. Ipelegeng e siame e senngwa ke batho Ka nako eo letlhakore la ga Rre Phologo la bo le sena kemedi. Puso e oketsa dituelo O akgotse Dijamogopo Cultural Society go bo ba tshwere ka thata gore letsatsi la ngwao le atlege. E rile a ntsha la gagwe, Tona ya Ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Mokgweetsi Masisi a re bogosi bo tswa goo lowe e le bone bo sireletsang setshaba jaaka go itshupile ka go lwela kgololesego ya lefatshe la Botswana. Fa a bua kwa tirong eo e e neng e tshwaretswe kwa kokelwaneng ya motse wa Tsamaya, Mme De’Ath o ne a bolela fa ba leka ka bojotlhe go thusa ka fa ba ka kgonang ka teng go tlhomamisa gore batho ba ba tshelang ka diemo tse di bokete le bone ba akola botshelo. Ke romilwe go tswa kgotla kgolo ya ga Mmangwato, e e tsamaisang bogosi jwa ga Mmanagwato go tla go tsaa leina la kgosi yo a tlaa bewang. Mme Tuduetso Segosebe o ne a re gompieno ka thulaganyo ya ga molaodi go buiwa ka dikgotlana fela. Rre Jibichibi o rotloeditse balemi go lema ka ditselana, a bolela fa mokgwa oo wa go lema o ntsha thobo e ntsi fela thata. A re dikotsi di tsweletse ka go bolaya batho mme tshaba ya lefatshe leno e iketlile fela a re ke nako ya gore mongwe le mongwe a nne le seabe go netefatsa gore dikotsi di a fela. A re lephata la boipelego le tlaa tlhoka P17 504 050, la thuto P7 368 600, la madi P6 038 830, la dikago P6 234 020, la molao P4 927 180, la tsamaiso ya khansele P5 851 990, la matlo le tlhokomelo ya one P1003 810. O tsweletse ka gore motlobo wa dibuka o fa bana lesedi la thuto mme a supa fa sekole sa gagwe se le motlotlo go bo Professor Agreement Jotia, yo e bileng e le ngwana wa motse wa Letsholathebe, a abetse sekole sa bone dibuka tse di balwang le tse di rutuntshang bana go taka tse di lopileng P7000. Dr Mokuhwa a re go kgethololwa gape go tsisa ditlamorago tse di seng molemo ka jaana go dira ba ba kgethololwang gore ba ikobonye mme ba ikgogele morago mo go batleng kitso ba phuthologile mo go ba botsogo. O ne a ba gwetlha go tswelela ba etela diofisi go ithuta go le gontsi ka ditirelo tsa puso. Mokhanselara wa kgaolo ya Tidimalo, Rre Solomon Dikgang, o ne a botsa Rre Moswela gore tota gatwe ditlamelo tsa nyeletso lehuma di diiwa ke eng go goroga kwa bathong, a supa gore fa e sale batho ba kgaolo ya gagwe ba ile go rutuntshiwa kwa Sehonou, ba ntse ba lebile tsela gore ba fiwe ditlamelo tse gone go tile ba tla a thusiwa ka tsone. Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Mahalapye, Mme Malebogo Ramatu, o kgaletse ditlhogo tsa maphata a puso le khansele go tlhoka go tsena diphuthego tsa komiti ya ipabalelo tseleng ntswa lephata lengwe le lengwe le tshwanetse go nna leloko la komiti eo. E re ka Setswana se re setshwara ke ntsa pedi ga se thata, le ntswa Lekolori a ne a setse a kgobokantse madi, kitso le botsipa jwa go simolola kgwebo o ne a ikopanya le tsala ya gagwe ba simolola kgwebo ya dijo kwa Gantsi. O ne a kgothatsa thata ditlhopha gore mo nakong ee tlang ba godise dtlhopha tsa bone tsa polka ka go dira maitiso ka seo se ka thusa thata mo go kokoanyetseng ditlhopha tseo madi ba sa gaisane mme gape le tsela nngwe ya gore ba itsane ,go ithekisa le go go godisa serudumo sa mmino oo. Ba tlhalositse fa madi a ba a boneng a tlaa ba thusa go ora molelo wa mariga bone le ba gaabo ka jaana ba dumela gore le bone ga ba na go tlhoka le yone melora tota. Thuto e fa motho sebaka sa go phadisanya le ba bangwe, bogolo jang fa ba batla tiro. O tlhalositse fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, morafe le makhanselara ba tshwanetse go buisana pele ga ba ka isa kopo kwa ofising ya gagwe. Go ya ka pego ee tswang ko lephateng la botlhophisi, tlhopho e tlaa tshwarwa kgwedi ya Hirikgong e tlhola malatsi a le lesome le bongwe ngwaga o o tlang Pego e e tlhalosa fa motlhopisi mogolo a tlaa amogela maina a bontlhopheng kgwedi ya Sedimonthole e tlhola malatsi a le masome mabedi kwa sekolong se se botlana sa Otse. Bagolo ba ke Mme Gaboipolelwe Tshwenyego yo o dingwaga tse di masome a matlhano le bongwe, Mme Tshekiso Ntoba yo o dingwaga tse di masome a robabobedi le borobabobedi ga mmgo le Mme Agnes Jase yo o dingwaga tse di masome a matlhano le botlhano. Ka jalo o kopile bakgweetsi go dirisanya sentle le bone fa ba ba emisa ka maikaelelo a go lekola dikoloi tsa bone gore a di siametse go ka dirisiwa gape o gwetlhile bakgweetsi go emisa go nwa bojalwa fa ba kgweetsa. Mo go tse dingwe o ne a tlhalosa gape gore banka eo e santse e sekaseka go tsisa ditirelo tsa yone kwa Tsabong. O kaile fa letlhoko la koloi e e ka ba isetsang morogo kwa mmarakeng le lone e le kgwetlho a tlatsa ka go tlhalosa fa mo bogompienong ba rekisa thobo ya bone mo banning ba Tlhomadithotse , ba ba tlang kwa tshimong gotla go reka, gammogo le bomme ba ba rekisang merogo kwa mmolong ba ba rekang ka dipalo ebile ka seelo se se kwa godimo ka le bone ba rekela thekiso. Mogokgo Willie o kgothaditse baithuti go nna le lenyora la thuto, ka e le yone fela e ka dirang gore ba fetole itsholelo ya kwa ba tswang teng go na le go inaakanya le botlhokatsebe. Mme Kesenye o tlhalositse gore lephata la thuto le taboga ka moono wa Delivering the 21 O lebogetse dikhamphani tseo go thwaraganela thuto le puso ka go tsisa dithuto tse di maleba. Rre Bashingi o tsweletse a tlhagisa ba ba inaakantseng le go reka lefatshe la morafe mo bathong bangwe gore ba itse fa go dira jalo ele go latlha madi ka go sena ka fa thulagango eo eka tsepamisiwang ka teng mme ele tlolo molao. Rre Reatile o buile jalo kwa kgotleng kgolo ya Ga-Ngwaketse jaaka dikereke di ne di kopanetse teng go rapelela molelo wa kgolagano. Fa a tswa la gagwe, motlhokomedi wa dikago wa SHHA mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone, Rre Malarky Keareng, o ne a tlhalosa fa ba filwe tiro ya go aga matlo a le lesome le botlhano go simolola ka Sedimonthole ngogola mme ba setse ba kgonne go wetsa a le mane a a lopileng P136 000 go ya kwa go P150 000. O kopile batsadi go sala ditaelo tsa ba booki morago di tshwana le go kentiwa ga ngwana le go sa tlodisa ngwana sekale. Rre Kaboeabodimo a re Batswana ba lesego ka ba na le Tautona yo o kgathalang ka matshelo a batho, a re motho mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le bonno jo bo lolameng. Nata e tla nna kgaolo potlana Moanamisa mafoko wa Eloyi, Rre Alex Keakantse, o lebogetse phuthego go tsaya matsapa, go latela lentswe le le buang tshokologo le boikotlhao. O ne a kgothatsa banana ba ba santseng ba le ka fa tlase ga dingwgaa tse di masome mabedi le botlhano go inaakanya le go tsena sekole go betla bokamoso jwa bone. O ile a tsaya sebaka go leboga botlhe ba ba tsentseng letsogo mo go thuseng batho ba kgaolo ya Palapye ka matlo, badirela puso le madirelo a a ikemetseng le a a tlhakanetseng ditsamaiso le puso. Ka Mosupologo kwa metseng ya Gobojango, baithuti ba feta makgolo a mane ba ne le bone ba abelwa paka fa kwa Molalatau go ne ga fiwa ba feta makgolo a marataro. Mmakaseterata o tlaa rola tshekatsheko A re ba itlhamele dikgwebo ka di ka ba tshetsa, jaaka fa ene a ipelege ka ya gagwe, ka e mo direla madi a itshetso. O ne a tlhalosa gore matlo a barutabana a fera bobedi le matlo a boitiketso tsone di tlaa agwa ka lenaneo la ditlhabololo la NDP11. Kgosi Oletsositse Mosweu wa Dukwi mo kgaolong potlana ya Tutume, o supile fa mananeo a nyeletso lehuma a dirile pharologanyo mo matshelong a bangwe Batswana ba ba ntseng ba tshelela mo lehumeng. Mongwe wa banni ba motse oo Rre Nkong Tawana le ene o ne a bua a sa kgwe mathe ka go gola ga borukutlhi jo bo bakiwang ke tlhaelo ya mapodise. Superintendent Maniki a re dikgang tsa go nna jalo go thata go ka golagana le mapodise a Interpol go ba thusa go tshwara dirukutlhi tsa go nna jalo ka ba sa itse gore batho ba teng ke bomang. Mokhanselara wa Maunatlala Rre Samuel Morebodi o kopile balemi go tsaya dikgakololo tsa go tlhabolola temo ya bone. Ba kopiwa go ikgolaganya le morafe Rre Pagiwa o tsweletse a re gore maikaelelo a bone a atlege banni ba tshwanetse go ba ema nokeng, jalo a ba kgothatsa go ikitaya ka thupana go tsenya letsogo mo go baakanyetseng boipuso ka jaana bo ama Motswana mongwe le mongwe go akarediwa banana le bagodi ba ba diretseng lefatshe leno ka bokgabane gore le nne se le leng sone mo nakong eno. O kopile banni ba ba nang le masimo mme ba sa a dirise gore ba a adime ba ba nang le kgatlhego ya go a dirisa. Mogokgo a re seo se thusa thata gore ba tle ka maduo a a nang le boleng, a re segolo bogolo motho yo o rutang bana ba lekwalo la bone go ya kwa go la bosupa ene o tlhoka kemo nokeng e e tseneletseng go dira ka natla. Tlhokomelo ya bana e ba rotloetsa go ntsha ga tshwene O solofeditse gore ba tlaa sala ba tlhokometse mpho eo. A re komiti ya bone e e kopana kgwedi le kgwedi mme ba ise pego kwa kgosing ya motse wa bone. A re ba nale makgobokgobo a mantle a go utlwalang jaanong a tla kwadisiwa ke ba lephata la ditso go nna a a sireletsegileng lefatshe ka bophara. E ne ya re ka Matlhatso banni ba Jackalas 2 ba thologela kwa kgotleng go tsena phitlho ya kgosi ya bone: Kgosi John Jackals. O ne a gatelela botlhokwa jwa tekodiso ka dinako tsotlhe gore morafe o nne le kitso ka dithulaganyo tse di dirwang di akaretsa madi a a kokoanngwang ka leina la morafe wa Bakwena. Rre Kwerepe a re mo nakong eno, mohama wa thuo ga o na dipoelo ka ntata ya go tlhagoga kgapetsa-kgapetsa ga bolwetse jwa tlhako le molomo fa mohama wa temo le one o lebanwe ke kgwetlho ya diphologolo tse di senyang mo masimong. Rre Vraay o ne a kaya fa gape barui ba palelwa ke go tlhokomela dipitse tsa bone gore ba kgone go itepatepenya le tebego ee batlwang mo dipitseng ka ntlha ya dijo tse di ba turelang ka ba di ba di reka kwa lefatsheng la Afrika Borwa. O tsweletse a re ba tshwanetse go bereka thata bas a eteletsa dingongorego kwa pele go re ba lemogiwe gape gore ba seka ba tshaba go supa gore ba a kgona. Mogare o bifela pele-Sisila O boletse fa go tlhoka go tsena diphuthego ga batsadi ele nngwe ya ditsela tse di kgotlelang setho sa baithuti le go ama maikutlo a bone. Dipatlisiso tse di dirilweng ke ba lekalana la BOPA di supa fa molelo wa kgolagano o tlaa goroga mo kgaolong-potlana ya Mahalapye ka kgwedi ya Seetebosigo o tla o tsamaya le metse e tshwana Shoshong, Tobela, Mmutlane, Bonwapitse, Kalamare, Mahalapye, Phallaroad, Mmaphashalala, Mookane, Mmamabula le Dibete pele ga o fetela kwa kgaolong ya Kgatleng. O tlhalositse fa sekole se leka ka thata go lwantsha kgang ya go ima ga baithuti, a supa fa mo ngwageng wa 2016 go nnile le dikgetsi tsa boimana di le masome a mabedi le borobabongwe fa ka 2017 di le lesome le bobedi, mme monongwaga ba setse ba gatisitse di le thataro. Rre Matara one a lebogela mokhanselara wa bone gobo a iphile matsapa a go ba lekola. O tlhalositse fa BMC e baya ditlhwatlhwa e lebile gore yone e rekisa nama ka bokae, ka jalo fa barui ba re ga ba rekisetse BMC ba tshwanetse ba itse gore ga gona tlhwatlhwa ya kgomo epe mo lefatsheng leno e e fetang ya BMC. Ba ba neng ba tsene moletlo ke diopedi di akaretsa Tankiso, Lebohang go tswa Lesotho le setlhopha sa Wisdom go tswa Swaziland. Rre Majaha o supile fa dikotsi tsa tsela, Botswana jotlhe di nnile 411 mo ngwageng wa 2013, mme tsa nna 377 ka 2014 a tlatsa ka gore mo ngwageng ono di setse di le 86. Se se builwe ke molemisi wa kgaolo ya Machaneng, Mme Kebaemetse Motemane kwa masimong a Tumasera/Seleka kwa balemi ba neng ba fiwa dithuto ka didirisiwa tsa temo, methale ya temo le go somarela bokgola mo mmung bosheng. A re e ne ya re ka 2012, a tsaya tshwetso ya go ipulela kgwebo ya go apaya go bapa le tsela ya Thamaga/Moshupa gaufinyana fela le motsana wa Goo-Kodisa; selo se a tlhalosang fa se dirile gore a nne le theko e e botoka. O ne a tlhalosa gore fa ba ka tlhwaafalela dikgwebo tsa bone ba ka kgona go tlhama diphatlha tsa mebereko mme se se ka thusa go fokotsa letlhoko la ditiro mo kgaolong ka ponyo ya leitlho. Mme Seetapele o ne a re batho ba tshwanetse ba tsaya malebela mo go ba LEA mme e bile ba itse fa go se mpho epe e e ka galalwang. Maloko a mokgatlho wa Botswana Retired Nurses Society kwa Francistown a rotloeditse bagodi ba Bluetown go tsaya kgato ka botsogo jwa bone. Phenyo e tlhoka tshwaragano - Kwelagobe Banni ba Setsile kwa kgaolong ya Legare ba inaakantse le mananeo a puso go itlhotlhora lehuma. Mopalamente wa Letlhakeng Botlhaba, Rre Liakat Kablay o ngongoregile ka kgodiso ya bana mo kgaolong ya gagwe, a re go lebega e le yone e e alosang badisa le babelegi ba bana ka jaana fa motho a batla modisa kgotsa mmelegi wa ngwana o tla mo kgaolong ya Kweneng. E rile go lemogeng fa bomme bangwe kwa Machaneng ba lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditsompelo ka nako ya fa ba imile le ka nako ya botsetse, bodiredi jwa kokelwana ya Machaneng bo tshwaragane le banni bangwe ba motse, ba simolodisa mokgatlho o o tlaa tswang bomme bao thuso. Inspector Tshotlego Kgobero a re lekawana la Etsha 13 le le dingwaga tse di masome mabedi le motso (21) le fitlhetswe le akgega mo setlhareng sa lelwapa le ba nnang mo go lone kwa Jorocha bosheng. Mopalamente o ne a tlhalosa fa molao o mongwe e le o o fetolang molao wa sesole sa Botswana, o mo go one masole a maemo a mabotlana jaanong ba tlamegang go tlogela tiro ba le dingwaga tse di masome a matlhano go na le pele mo ba neng ba patelesega go tlogela tiro ba le dingwaga tse di masome a mane le botlhano. A re tshwaragano ya batsayakarolo ke selo se se botlhokwa se se ka ba kgontshang go lwantsha bogodu jwa diteemane. Tona o tlhalositse fa a tlhaloganya dikgwetlho tse di amang lephata jaaka tlhaelo ya boroko, bodiredi, didirisiwa le seemo sa diofisi. Rre Ralotsia o ne a supa fa go tlhokega gore banni ba fetole ka fa ba lebang ka teng kgang ya go tshela mmogo le batswakwa ba ba tseneng mo lefatsheng leno e se ka fa molaong. Kgosi Garebakwena o tladitse ka gore,o tla fitlhela seemo se ngwana a kgonang go tsosiwa bosigo gotwe rraagwe o tsile a tsoge a mo apeele, seemo sa go nna jalo se kgona go koafatsa thuto ya ngwana ka gore fa a re oa robala, o tshwanetse go tsoga jaanong a ya sekoleng. Mogokgo wa sekole se se botlana sa Serameng kwa Metsimotlhabe, Rre Elias Segwagwe, o kopile gore bana ba gakololwe ka thupa, a fa bopaki ka ene gore mo bonyennyaneng jwa gagwe o ne a sokololwa ke moretlwa. Re itemogetse gape gore go botoka go rua podi go na le kgomo ka e tshabelelwa ke go amiwa ke bolwetse jwa mabele jo go le gantsi bo dirang gore e rekwe ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase, a tswelela a tlhalosa. Mme Roberts o ne a tlhalosetsa batsena dithuto puisano tseo fa lekana la MVA pele ga le ka thusa yo o amegileng ba tlhokana le bosupi jo bo tswang kwa go ba botsogo le ba sepodisi go rurifatsa tiragalo eo. Botlheba ba tsweletseng ka go araba kopo ya ga Tautona ya go thusa ba ba tlhokileng lesego ba tlaa duelwa ke Rraetsho yo o kwa legodimong. Mopalamente Salakae a re go tlhokega gore morui o ka kwadisa lesaka la gagwe kana sediba, dikgomo tsa gagwe tsotlhe di bo di na le manyena a bo omang le gore a nne ka dinako tse tsotlhe di beile dibuka tsa gore o tlhokomela jang leruo. Mme Kachana o bile a kopa batho ba ba olelang matlakala go nna kelotlhoko gore ga ba tsenye thura mo ditankeng tsa matlakala, a re se se ka nna borai le mo go bone ka dikoloi di ka tuka di ntse di tsamaya. O akgoletse se puso e se dirang go lwantsha mogare ka ditlamelo tse e di tsisang mo setshabeng mme o tlhalositse fa Botswana ba ka bolokesega fa ba ka tsaya ditshwetso tse di siametseng matshelo a bone. O ne a supa gape fa go itlhatlhobela mogare le gone go sa nametse ka jaana 86 per cent ya batho e itlhatlhobile ebile ba itse seemo sa bone sa mogare fa 14 per cent yone e le mo lehihing hela, ka jalo a gwetlha botlhe go tsaa maikarabelo go itse seemo sa bone ka jaana moo go le botlhabetsi mo kanamisong ya mogare. Banni ba kopiwa go tlhoafalela thuto ya bana Monana yo o tlhalosa fa go atlega ga gagwe e le go bo a ne a eteletsa lerato, bopelotelele, boineelo le gone go dira ka botswapelo mo kgwebong ya gagwe. Bangwe ba ba neng ba tsene moletlo oo, ke mothusa kgosi ya motse wa Masunga, Kgosi Thabo Monaga le molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Keabetswe Lesiela, ba ba galaleditseng maiteko a badiredi ba lephata leo mo kgaolong, ba ba gwetlha go tswelela ba bereka ka thata. O tlhalositse fa kopo ya gore sekole se sebotlana sa John Phoko se agelwe ntlo ya badisa dikago e atlegile, a tlatsa ka go re madi a a setseng mo letloleng morago ga ditlhabololo tsotlhe tse di dirilweng ke P7 436. O tsweletse a re ke thuto ya ntlha e ba e dirileng mme ba tlaa tswelela le dithuto tse dingwe tse di latelang e ntse e le ka methale ya segompieno ya temo. O kaile fa a solofela fa dikolotsana tseo di tlaa nolofaletsa badirisi ba tsone le batlhokomedi ba bone botshelo ka jaana bana ba bangwe ba ba neng ba amogela dimpho tseo ba setse ba godile, A re ka jalo ga go bonolo mo batlhokomeding ba bone go a ne ba ba kuka go ba isa gope kwa ba tlhokang go ya teng.Go sale foo, mookamedi wa ditirelo tsa botsogo wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Mme Rhodah Phindela o ne a akgolela ba mokgatlho wa Rotary sesupo seo sa lorato. Fa ba akgela, bangwe ba batsena phuthego ba ne ba akgola komiti ya Bathoen Trust ba re go lebega e tlaa isa morafe golo gongwe. O rurifaleditse kokoano ya badumedi fa Modimo a ne a sena thulaganyo epe ya gore o ka tsenwa ke makoa kana a aparwa ke malwetse mme a gwetlha phuthego go ema kgatlhanong le mmaba le go lwantsha segajaja sa HIVAIDS jo bo tsweleletseng ka go gapa matshelo a batho gammogo le go rapelela boeteledipele jwa lefatshe leno. O tsweletse a bolela gore kafa batsadi ba itshwarang ka teng kwa malwapeng, go ama thuto ya bana, a tlatsa ka gore baithuti bangwe ba kwa dikgolegelong ka ntata ya go inaakanya le ditiro tsa borukutlhi. O tsweletse ka gore, kgwebo e, go ne ga lemosega fa jaanong thekiso ya tonki e ne e dirwa thata ebile e rotloetsa bogodu jwa tsone mo go neng go ka baka go nyelela ga seruiwa se mo dikokomane di neng di ka sefitlhele sepe mo isagong. Gape a re mo mading a ditlhabololo tsa kereke ba dira ditiro tsa bopelotlhomogi di tshwana le go abela ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng, ka jalo a re ba setse ba abetse sekole se segolwane sa Maikano paka ya sekole ga mmogo le go aba dikobo kwa Old Naledi. O tsweletse ka gore go itsa seemo sa letshololo o le kwa lwapeng o tshwanetse wa bo o na le motswako wa letshololo ka dinako tsotlhe, fa godimo ga moo go bo go na le pilisi ya zinc go siela ngwana fa a ka tlhagelwa ke letshololo. E rile a bua kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la motlobo wa dibuka bosheng, Mme Majoko a tlhalosa fa ba sena dikago tse di lebaganeng go nna lefelo la motlobo wa dibuka mme seo se sa ba kgoreletsa go ikakanyetsa go dira lefelo leo mo ntlong nngwe ya borutelo. Bokamoso jwa lefatshe la Botswana bo mo diatleng tsa bana, ke bone baeteledipele ba ka moso, ka jalo re le batsadi re tshwanetse go ikatumetsa bana ba rona le go ba rotloetsa, ga bua Kgosi Thwane. Seo se ne sa pateletsa gore e re morago ga go tlhomamisiwa ga motse, magosi go tswa kwa Serowe ba ikopanye le banni ba motse gore ba ntshe leina la yo ba bonang a ka etelela motse pele. A re o lemogile fa bana ba tshwara ka bonako tiro ya diatla go na le ya dibuka ebile go ruta ngwana khomputara a sa le mmotlana go ka thusa mo go tlhabololeng thuto gammogo le boranyane. A re go atolosa dikokelwana go tla bo go tla le kago ya matlo a bodiredi. Rre Ntlhaile o ne a bolelela banni fa jaanong ba tlaa tshwanelwa ke go duela lekgetho fa ba isa loruo lwa bone kwa matlhabelong a Botswana Meat Commission. Kgosi Mosinyi Mosinyi wa Shoshong o ne a lebogela tiro e e dirilweng ke ba kereke ya Roma, a re e supa fa mowa wa boutlwelobotlhoko o agile mo dipelong tsa bone. O kgothaditse batsadi go ba ema nokeng kwa sekoleng go tshwaraganela bana ba sekole ka botswapelo. A re ba tshwanetse go rapela gore Modimo a ba sireletse mo malwetsing le dikotsi tsa tsela a re ba ka kgona fela ka tshwaragano ya dikereke. O ne a tlhalosa gore gase ditiro dipe tse di ka opelwang legofi.Are go botlhokwa gore ba tswe ka mananeo a a ka tlhabololang toropo eo. Rre Keitsetse o boletse gore go simolola kgwebo ya mofuta o, ba ne ba gwetlhilwe ke go lemoga fa batho ka bontsi mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami ba reka matlapa kgakala thata jaaka kwa Aferika Borwa. A re mo nakong eno, Nata o santse a thusa batho e le service centre. O ne a kgothatsa banni bao go somarela mananeo ao fa ba sena go a abelwa gore ba ikapole lehuma le gone go itshedisa ka tsa thuo. O kopile setshaba go ikela tlhoko mo dilalomeng a bo a gakolola setshaba go tsamaya ka digongwana. Le fa go ntse jalo, Rre Thokwane a re ga a kitla a boela kwa morago ka jaana a ikiteile sehuba go fitlhelela toro ya gagwe ya go tsamaisa kgwebo ya dijo. Mme Boingotlo a re dipoelo tse dingwe o di dirisa go duelela bana madi a sekole mo go salang a go ise ko sebolokelong sa gagwe kwa bankeng. Ke ne ke le mo koloing yame ke utlwa sengwe le sengwe se ba se buang. Mme Tendani o tsweletse ka gore mo kgokgontshong e mo go yone go nang le matshosetsi a dipolaano ba thusa ene yo o tshosediwang ka go mo sireletsa; selo se a supileng fa ba se dira ka go fa motho wa go nna jalo botshabelo jwa nakwana. Fa a akgela mo mogopolong oo, mokhanselara wa Masunga Rre Elias Mbonini o ne a kaya fa banni ba metse e e farologanyeng mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba sa le ba supile fa e le keletso ya bone gore maloko a dikomiti tseo a atswiwe. E rile mo potsolotsong bosheng motshwara madi wa mokgatlho,Mme Kgakgamatso Koobonye, a tlhalosa fa mokgatlho o tlhamilwe ka ngwaga wa 2012. A re lefatshe leno le humile mme mahumo a teng ga a tswele Batswana mosola ka bontsi bo tshelela mo lehumeng. Mafoko ao a boletswe ke modulasetilo wa komiti ya bomme ba Domkrag, Mme Dorcas Makgato fa a ne a rola Rre Majaga semmuso ka Tshipi. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Reginald Mudongo o ne le ene a lebogela dikolotsana tseo, a re di tlaa thusa thata ba ba di abetsweng.Rre Mudongo o ne a gwetlha ba mokgatlho wa Rotary go tsweledisa tiro ya bone e ntle ka go ya go thusa le kwa metseng e mengwe ya lefatshe leno. Mo phuthegong eo, morafe o ne wa tlhopha batho ba le bane ba ba tlaa yang go kopana le ba bogosi, mapodisi, ba lephata la boipelego le ba lephata la botsogo le boitekanelo mabapi le dikgang tse di tshwenyang mo kgotlaneng ya bone. Kgang e nngwe e e neng ya kopelwa gore bogogi jwa khansele bo e tsibogele ke ya kokelo ya Palapye le sekole se segolwane sa Mabogo. O ne a supa fa mo dikotsing di le lesome tse ba setseng ba di kwadisitse, go setse go tlhokafetse batho ba le babedi mo go tsone. Seemo se sa go reka leruo le le sa fetang ka matlhabelo ga se a siamela bareki ka ba reka nama e e sa tlhatlhojwang, a tlhalosa. Mme Lorekang o tlhalositse gore se se lemotshega ka jaana balwetse ba nna ba boela gantsi kwa bookelong ka ngongora e le nngwe fela. O tlhalositse fa ba tlhaelelwa ke babereki ka jaana motho a le mongwe mo lekalaneng a lebagane le go thusa kgaolo ya Boteti yotlhe fa makalana a mangwe a sena batho gotlhelele. Bangwe ba buile fa mo dingwageng tse di fetileng ba kile ba bo ba lema thata mme ba robe thobo e nametsang mo ba neng ebile ba rekisetsa baba sa lemang. Mapodisi a Middlepits a tiisa baithuti moko Moeteledipele wa legotla la borre la Men and Boys for Gender Equality, Rre Desmond Lunga a re letsholo la Monna tia le rotloetsa borre go gakololana go ikgapha mo ditirong tsa kgokgontsho. Kgosi Malope o amogela ditanka O ne ntsha karata e tshwantshitswe sekano sa jeke ka jalo a ba kaela gore fa ba tsena kwa matlhophelong ba kgwarinye sefapaano go bapa le sekano seo sa jeke ya Domkrag. Keamogetse o gweba ka dinotshi Rre Tsheole o tlhalositse fa dipeo tseo e le tsa mabele a a dirang bojalwa e bile di sa siamela go jewa. Kgosi Dijeng kgosi tlhalositse fa a tshwengwa ke gona mo majalweng ga banana mo areng go ba dia go tsaya mananeo a puso. O tsweletse ka go tlhalosa fa tiro ya temo e le tiro e e tlhokang motho yo o tlhaga gore e kgone go ntsha maduo , mme ka ene le mosadi wa gagwe ba tswa kgakala ba dira ka diatla a e ise e ba tsenye dingalo. Mo potsolotsong bosheng, Rre Satomana o supile fa dikgomo tse di senyang di sa tlwaelesega ka o kare ke diphologolo gonne fa motho a tla gaufi le tsone gore a bone letshwao, di sia mo e leng gore o salang fela o gakgametse. Kgosi Moremi a re Tautona ga a tle go etela metse epe e mennye mme o tlaa bo a le fela mo dikgotleng tse di tona. Mokhanselera wa Lerala Botlhaba, Rre Kabo Ketshogile, ene o ne a kopa gore Lerala e akarediwe mo metseng e e tlhokomelwang ka ditlamelo tsa bolwetse jwa letshoroma, ka go sena ngwaga ope o bolwetse joo bo seyong mo kgaolong eo, a re montsana o montsi kwa Lerala. O ne a tlhalosa fa ofisi ya boipelego e bereka ka natla go netefatsa fa e thusa baikopedi ka nako le go ba kanoka. A re metsi ke selo se se botlhokwa fela thata mme kgwedi e kgona go wela go sena nko e tswang lemina, go supa fa go na le mathata a a tlhokang le tharabololo ka bonako. Go tswa bogologolo bogadi e ntse e le karolo e kgolo ya lenyalo mo Batswaneng le MaAferika ka kakaretso le ntswa bo bitswa ka maina a a farologaneng jaaka lobola, malobolo jalo jalo mme fela e le selo se le sengwe, se se tlhalositswe ke kgosi ya Omaweneno mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa. Go botlhokwa go nwa dipilisi ka fa tshwanelong Mme Segokgo o tlhalositse gore moletlo o tshwaretswe kwa kgotla kgolo ya ga Ngwaketse kwa Ntsweng go simolola ka nako ya borobabongwe mo mosong go fitlhelela ka nako ya bongwe. O ne a supa fa phadisano e ya go nna mashetla, mme a kopa kemo nokeng ya batlhophi ba gagwe le gore ba mo gololele mowa ka dithapelo, a bo a re fa a ka bona maemo ao, go tlaa re ba itlhophele moemedi yo bone ba bonang a ka ba emela kwa palamenteng. O kaile fa Ipelegeng ele yone e ba itshetsang ka yone ka go sena ditiro ntle le Ipelegeng kwa Mmamojewa.Rre Mojose o ne a kopa mokhanselara gore a ba kopele terata ya kgaoganyo mahudiso le go hatolola letamo la Mmamojewa. Puso e tlaa ntsha P570 million Moranang a rogwa, mme kgaolo nngwe le nngwe e tlaa fiwa P10 million, a tlhalosa. A re madi ao ke a dirilweng ka moletlo wa Makgadikgadi Epic kwa Nata Sanctuary ngogola. O tlhalositse fa ba ne ba tlamega go aga ntlwana eo, ka bontsi jwa banni ba ne ba tshwenngwa ke matlakala a a tswang kokelong a a neng a kganelwa ke terata ya dikago mme bana ba nna ba tshameka ka one. A re go tlaa dirwa matshwao a a kgalemang go leswafatsa noka mo tseleng e e yang koo go tlhagisa badirisi ba yone ka bodiphatsa jwa go e leswafatsa. Fa a tlhalosa mo dithuto puisanong tse di neng di tshwaretswe ko masimong a ga Rre Robert Marutshe bosheng, mogolwane mo lephateng la temo thuo, Rre Suberee Kapeko, a re go itumedisa fela thata gore ere le ntswa pula ene ele boutsana masimo a bo le a le mo seemong se se nametsang. Semela se se tlhoga gongwe le gongwe mo motseng le kwa nageng gantsi mme se bonwa mo Kgalagadi mme se borai mo mothong fa se ka mo tlhaba fa a tsamaya ka lonao ka gore se na le mutlwa o mosesane o le kgolokwe gape o le monnye . Mo go ya tlhaelo ya bodiredi, o tlhalositse fa sepodise se na le kgwetlho e kgolo ya tlhaelo ya boroko. Rre Kebonang o tlhalositse se mo phuthegong ya baagi ba Tsholofelo mo kgaolong ya Gaborone Bokone bosheng. Ka jalo o kopile mopalamente gore dikeletso tsa morafe di nne di tsibogelwa. A re o lemogile bokgoni jwa gagwe jwa go dira ka diatla ka 2010, a le kwa Tutume mme ya re go boeleng ga gagwe mo Serowe ka 2012 a ngoka banni ba bangwe go dira setlhopha. Le fa go ntse jalo, setshaba se nna se kgothadiwa gore se seka sa tsaya se e le seipato go ikgaratlhela ka motlapele a rile maano a botshelo ga a site go sita a loso. A re ba tlhama dipina tse di nang le molaetsa o o ka agang,. A re ka go lemoga fa ba Lecheng ba tsaya le go reetsa ditaelo tsa balemisi ba ne ba ya go dira ditekeletso tsa dinawa dingwe kwa Lecheng. O boletse fa komiti e, e ne ya tsamaya mo metseng e tshwana le Tonota, Serowe le Lerala. A re morago ga dithuto ba tlaa bo ba ithulaganya ba bo ba bolotsa letsholo la go lwantsha motlhwa mo masimong a bone ka o ba feleditse dijalo. Mothusa tona a re lekalana la LEA gape le thusa dikhamphani tsa Batswana gore di ka bona mmaraka jang le gore di ka tsweledisa dikgwebo tsa tsone jang. A re e ne e le kgosi e e nang le kagiso a itse tiro ya gagwe e bile a e dira ka botswerere Le fa go ntse jalo o kopile morafe go tshwaragana, mme ba goge morafe ka mowa o le mongwe jaaka Kgosi Jackalas a ne a dira. Mo dikgannye tse dingwe, Dr Venson-Moitoi a re o belaela gore ka lekgotla le le ikemetseng ka nosi la ditlhopho le ne la fokotsa mafelo a matlhophelo, batho ba itsapa go ikwadisa, mme a solofetsa gore kgang ya teng ba tlaa leka go e bua le lekgotla gore a ba ka seke ba oketse mafelo ao. O gakolotse banana go tlhaloganya fa kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho mme fela boitshoko e le yone tsela ya go di fenya. E rile banni ba ntsha matshwenyego le dingongorego tsa bone mo phuthegong le mopalamente wa bone Rre Isaac Mabiletsa, ba supa fa motse wa bone o sena tswelelopele ka o tlhaelelwa ke ditlamelo le ditlhabololo. Balemi-barui ba kopiwa go tsaya mananeo ka tlhwaafalo Mme Alone a re, Ga ke a tsena sekole mme fa ke le kwa court o tla re gongwe ke morutegi tota. Ba boletse fa metse ya Mmathudukwane le Malolwane e tlhabologile go ba feta ntswa ba le fa gare ga yone; mme ebile ba supa fa ba le sebete se molangwana ka kgang eo. First National Bank Botswana Foundation, e abetse baithuti ba sekole se sebotlana sa Struizendam kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa ditlhako tsa sekole. Kosi a re bogadi bo ntshiwa fa Rre le Mme ba tsena mo nyalong kana fa Rre a batla go tsaya bana bape ba a ba tshotseng kwa ntle ga lenyalo go ba tlisa ka fa tlase ga gagwe. Rre Lesedi o gwetlhile barutabana go lemotsha batsadi, batlhokomedi ba bana le bone bana tota ka go ba rutuntsha ka bodiphatsa le ditlamorago tsa tiriso ya bojalwa le diritibatsi. Mme Tshireletso o dirile kgothatso e mo diphuthegong tsa kgotla tse mo go tsone a neng a lekodisa batlhophi ba kgaolo ya gagwe ka dikgang tse di buisantsweng mo palamenteng e e fetileng le go tsaya megopolo go e isa kwa phuthegong e e tlang ya palamente. Modulasetilo wa komiti ya balemi barui kwa Matsiloje, Rre Simon Lephato a re maiteko a ba a dirileng go lwantsha seemo sa borukuthi ja molelwane e nnile go tlhoma komiti e e akaretsang borara ja motse, badirelapuso le boemedi go tsweng kwa Zimbabwe le banni ba motse, maikaelelo e le go tla ka megopolo go ka laola seemo. Fa ba ba kgwa dikgaba, banni ba ne ba supa fa ba sa itumedisiwe ke lobaka lo loleele lo ba lo nnang ba sa bewe ditsha, ba re se se baka gore ba felele ba nna le batsadi ba bone mo malwapeng. Moswi o tlhokafala jaana a le dingwaga di le 95 morago ga go lwala. A re dithuto tse o di dirile kwa polasing ya Matlolakgang ka 2005. Mme Toto a re le ntswa go na le dikgwetlho, kgwebo ya gagwe e dira sentle. Rre Gaobuse Mogolwane le ene o amilwe ke go tla ga moepo kwa Medie ka jaana a tseetswe lefatshe go sutela ditlhabololo. Rre Maele yo a neng a patilwe ke mopalamente wa Shoshong Rre Dikgang Makgalemele le modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Ngwato, Rre David Modisagape, o boleletse batho ba ba neng ba tsene phuthego eo gore dingwe tsa dikgang tse di apesitseng lephata la gagwe e bile di mo tlhokisa boroko e le tsa tshenyetso setshaba, go aba lefatshe ka tshokamo, go amogela pipa molomo ga badiri le tiego ya go abiwa ga ditsha tsa bonno le dikgwebo. A re motlobo wa dibuka o rotloetsa bana go nna le kgatlhego ya go bala ba santse ba le kwa tlase. Rre Tsogwane a re melapo e borai ka gore e kgona go tla e rwele metsi a mantsi le ntswa pula e sa na ka bokete mo lefelong leo. Ba kopiwa go duelela ditsha O tlhalositse fa a dirisa dipoelo go tlamela ba lelwapa la gagwe ka ke ene motlhokomedi a le nosi. Kgosi ya Naledi, Rre Anold Somolekae a re go a itumedisa go re kgotla ya gagwe e gatetse pele go gaisa dikgotla tsotle kwa Gaborone ka go sekisa ditsheko ka bontsi. Fa a latlhela la gagwe, morutabana wa tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo, Mme Thelma Mahloane o ne a bolela gore maikaelelo a bokopano jo ke gore batsadi le barutabana baitse tse di solofelwang gore ba di dire gore thuto ya bana e siame kgotsa e nne le maduo a a nametsang. Borre Ba UCCSA ba a itshekatsheka Alebert Gaoleboe a re maikaelelo a bone ke bereka ba ntsha maduo,ba kgorelediwa ke mathata a go tlhoka go lekolwa ke bagolwane go lekodisa ka matshwenyego a bone,atlatsa ka gore kgaolong ya bone gae a siama ka jalo dikoloi tsa bone di tlhoka go rekelwa dithaere tsa boleng jo bo ko go dimo gore di tseye seka. Ba botsogo ba etse seemo sa COVID-19 tlhoko Mogolwane wa banka eo Rre Boikhutso Tekane o buile seo morago ga mogwanto o o duelelwang wa dikhilomithara di le masome mabedi kwa sekole seo. O tlhalositse gore mo motsing wa Mabutsane kereke ya Unity e simologile ka ngwaga wa 1963 moeteledipele wa yone e le moruti Mongwaketse Thuku a tloga a tlhatlosiwa maemo go nna mookamedi, mme mo nakong eno e leng Bishop, fa maemo a bookamedi a ntse a tshegeditswe ke moruti Kabunyane Thuku yo o tlhokafetseng bosheng. Mme Gare o loga ditlatlana, maseka, meseme le mekgabisa ya mo matlong. O ba kgothaditse go tswelela ka mowa oo wa go aba mo lefatsheng leno ka bophara. Majwe a, a a bidiwang Carnalian, Botswana Pink le Agate, a bonala thata mo kgaolong ya Bobirwa. Le fa go ntse jalo, o supile fa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ele morafe mo gongwe go dirwa ke boitseme jwa sepodise. Mopalamente o ne a araba ka gore seemo sa tlhaeolo ya metsi se etswe tlhoko ebile semo lenaneong la go baakanngwa. O boletse fa a eletsa go godisa kgwebo ya gagwe mme a batla go ikopanya le ba lenaneo leo go mo okeletsa ka a batla go lema dijwalo ka go farologana dile dintsi, mme go ka nna molemo fa ba ka mo thusa bogolo jang ka mathumpho a a nosetsang ka a batla go lema thata mariga ka a le botoka gona le selemo. E rile Kgosi Kalanke a tswa la gagwe a bolela fa go na le batho bangwe ba ba tlhotlheletsang kgotlhang fa gare ga gagwe le mokhanselara ka maikaelelo a go menola bogosi jwa gagwe. Babereki ba ne ba rolela tona matshwenyego a bone a akaretsa tlhaelo ya diofisi, didirisiwa, boroko, metsi, dikoloi le kapari ya tiro. Rre Bagakolodi Motsamai wa ofisi ya tokafatso maduo ya lephata la kabo ditsha kwa Serowe, a re ke tshwanelo ya bone jaaka maphata a puso go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. Rre Ngaka a re morafe o tshwanetse go nna le seabe go lwantsha kgokgontsho ka e ama maduo kwa dtirong le botsogo jwa yo o kgokgontshiwang, a tlatsa ka gore e ka ama le yone itsholelo ya lefatshe tota. Sefala sone se tsenya dipeo gore di seka tsa jewa ke tshupa kana tsa senyega ka bofefo. Rre Kebonang a re mongwe le mongwe o ka tlhama kgwebo, ka jalo go le botlokwa gore bangwe ba tlhame ditiro, go thusa puso mo tshokolong ya letlhoko la ditiro. Baithuti ba leboga lephata la thuto A re puso e tsaya dikgwebo tsa Nyeletso Lehuma ka tlhoafalo ka go ba fa sebaka sa go gweba fa puso e na le tiro e bile mo ke tsela nngwe ya go rotloetsa dikgwebo tsa bone. O tlhalositse fa a ne a ithuta botsipa jwa go loga ditlatlana mo tsaleng ya gagwe mme a simolola kgwebo e ka 2002. Rre Kgoroba are e tlaabo ele go ikgatholosa tsamaiso jaaka moteledipele wa morafe go e ma nokeng palo potlana ya bao ba ipayang lefatshe kgathanong le bontsi jo bo letile ka boineelo go diragadiwa ga tsamaiso ya peo ya ditsha.BOPA O kopile banni gore fa ba kopana le ditholo tse kwa masimong a bone, ba di bolae mme ba itsise kgosi yo le ene a tla bitsang lephata la diphologolo le makgabisa naga. Mme Mabunu a re ere ntswa letseno le a neng a le bona mo semausung le ne le se kalo, o itemogetse tiego ya theko mo dilwaneng dingwe ka jaana di tlhwatlhwa tlase mo lebentleleng le. O tlhalositse fa kgwebo e le botoka ka a ka se ke a lale le tlala, mme a gatelela fa theko e le botoka fela thata mafelong a kgwedi le ka nako ya ditshupo. Modulasetilo wa mokgatlho wa batsadi,barutabana le baithuti, Rre Galenyadiwe Odigetswe o supile fa nako e tsile gore sekole sa Mothamo se itsewe ka tse dintle go na le tse di maswe tse ba itseweng ka tsone mo motseng wa Moiyabana. Rre Thapedi o tsweletse a re bothata jo bongwe jo botona jo bo mo sekoleng sa gagwe ke boimana jwa bana ba sekole. O ne a tlhalosa fa tiro eo e ka nna ya simolola morago ga Mopitlo. A re ba tsenye letsogo, ba thuse gore boipuso jotlhe bo atlege. A re go dira jalo ke sekao sa gore dikgang tse ke tsa Batswana botlhe. E ne e rile ngogola ka kgwedi ya Lwetse Batswana go ralala lefatshe leno ba tshwara dithapelo sebaka sa kgwedi go lopa Modimo go kolobetsa lefatshe ka jaana seemo sa komelelo se ne se setse se tsere phekelo e sele. Rre Motoma a re mokgatlho o tlaa nna o amogela matshwenyego otlhe a ba-na-le-bogole. Kgosi Retlhatloleng o tlhalositse gape gore dikgang tsa go nna jalo di ama bana ba ba tshotsweng ka gore fa monna a tlhokafala, ba masika a monna ba ikgagapelela dithoto tsa moswi mme se se baya bana ka fa mosing.O kgapetse ntle dikgang tsa gore seemo se se bakwa ke gobo mo malatsing a gompieno magadi a tura fela thata. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Manake Bakani o supile fa ba sa itumedisiwe ke go diega ga dituelo tsa Ipelegeng. Banni ba dikgaolwana tsa Kabakae, Kgaphamadi le Khurakhura mo kgaolong ya Ghanzi Botlhaba ba kgothaditswe go kwadisa ditsha tsa bone e le tsela ya go fefosa ditlhabololo. Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, o kopile baeteledipele ba dikereke go kgothatsa maloko a bone go itlhatlhobela malwetse gore dingaka di kgone go lwantsha malwetse ao a ise a jwelelele. Tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele, o laetse badiri le maloko a makgotla a kabo ditsha go gagamaletsa setoropo Batswana ba ba palelwang ke go tlhabolola ditsha tsa bone gammogo le ba ba inaakantseng le go gweba ka thekiso ya lefatshe. Bareki ba rona ba duela ka madi a Ipelegeng, mme motho fa a ka seke a thapiwe mo nakong e e rileng, re nna nako e telele re letile gore a tle go duela, Rre Mbise a tlhalosa. Mme Maseko a re letsatsi le letsatsi batho ba amega mo matshelong a bone mme ba thusiwe mme se dire gore go nne le se ba mokgatlho wa Sefapaano se Sehibidu ba se dirang go ama le go boloka matshelo jaaka go aba madi a mmele, thutuntsho ya thuso ya ntlha, le thuso ka dinako tsa dibetsa tsa tlholego. Batho ba ba tshwanang le ba, tona a re ba tshwanetse go akgolwa. O kopile setshaba go thusana le mapodise le masole mo go lwantsheng borukutlhi ka ba ka seke ba kgone go dira tiro eo kwa ntle le tirisanyo le setshaba. Kgosi Ramokwena a re gompieno jaana ba tshela le kgomo mme ga e na boleng ka jaana ba aperwe ke leuba e bile bontsi jwa leruo bo sule ka dipalo tse di kwa godimo. Monni wa Kanye, Rre Mpho Kenosi o ne a re e re ntswa ditlhabololo di se kake tsa kganelwa, go botlhokwa gore ba bue tse di siameng le tse di sa siamang. Mme Nthabi are manokonoko a a tlisiwang ke kgokgontsho ga a babalele fela ba ba kgokgontshiwang mme a ama gape le goromente ka kgokgontsho e baka ditshenyegelo tse di bakiwang ke go tlhotlhomisa dikgang tsa go nna jalo kgotsa ditsheko ke ba sepodise,ditshenyegelo tse di amang tshidilo maikutlo ya ba ba kgokgontshiwang, tiriso ya ditsompelo tse dingwe jaaka dipalamo le ditshenyegelo tsa tlhokomelo ya bongaka le kalafi e e fiwang ba ba gobetseng ka ntlha ya kgokgontsho le yone tatlhegelo e e bakiwang ke go latlhegelwa ke bonatla le botlhaga ga ba ba kgokgontshiwang mo ditirong. A re ka go twe tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, o kwataboloditse kitso ya go loga mo go mmaagwe go simolola ka 1974 a le dingwaga tse thataro. Rre Mokgolele o ne a kopa Batswana go diragatsa mowa wa kutlwelobotlhoko ka go thusa ba ba wetsweng ke seru ka dipe fela tse ba ka di kgonang. A re batswakwa, bogolo jang basweu, ba rata maseka a gagwe. Mogokgo wa sekole seo, Mme Dyzene Mannathoko o tlhaloseditse BOPA fa sekole sa gagwe se ne sa latswiwa ke tlhware morago ga gore ba FNBB ba bone go le botlhokwa go abela baithuti ditlhako. Mopalamente wa kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse a re go amogela diphetogo ga se selo se se motlhofo le mororo di na le bomolemo mo go tlhabololeng tsamaiso. Lekolori ke mmantswitswidi wa kapei E rile ba ntsha la bone, banni ba Ghanzi ba supa fa ba itumeletse go bo mopalamente a tsweletse go nna a ba lekola le go tsaya megopolo mo go bone, ba re ba itumelela thuto ka kgomo ka e le yone e ba ikaegileng ka yone mo kgaolong e bile ba na le tsholofelo e ntsi gore e ka ba tshetsa. Seabe kana lorato le le tswang mo setshabeng se ka dira gore dikhutsana le masiela ba gole sentle ba na le boikarabelo, ba lemoga gore ba na le boleng mo setshabeng. O boletse fa mananeo a tshwana le ISPAAD a ntsha Batswana mo lehumeng fa ba a dirisa sentle e bile a ka ba direla mebereko le go ntsha dijo. O supile fa banana e le bone ba leng bantsi mo lefatsheng ka bophara mme se se raya gore ke bone baeteledipele ba nako ya gompieno e bile ba na le thata le bokgoni jwa go dira pharologanyo mo tsamaisong ya lefatshe. Mo go tse dingwe, Kgosi Ramokobetwane o supile fa a tshwenngwa ke seemo sa borukhutlhi se se golelang pele mo motseng. Mme Motemane a re balemi ba tshwanetse go jala dijalo tse di kgonang go lepalepana le diphetogo tsa loapi tse di akaretsang mogote o o feteletseng le dipula tse di boutsana. Thoko e golola Nfila mo go ramatheka A re dipolasi tsa puso di hirisitswe mme ga ba tlhaloganye tsamaiso ya phiriso eo gore le bone ba iteke lesego. Mo go tse dingwe, modulasetilo o supile fa khansele-potlana ya Letlhakeng e ne e tseneletse dikgaisanyo tse di rotloetsang boitekanelo tsa kgwele ya dinao, bolotloa le volleyball kwa kgaolong-potlana ya Mogoditshane kwa ba neng ba dira sentle thata teng. Mapodisi a kopa badirisi ba tsela go ipabalela ka malatsi a Keresemose Se Dr Moreki are se ne sa gwetlha puso gore e tsibogele seemo ka go fitlhetswe di ne di bolaiwa bosetlhogo jalo go rekisa matlalo a tsone a go utlwalegang a rekwa ka ditlhwatlhwa tse di ko godimo thata ko mafatsheng a Asia go dira melemo. Se se boletswe ke mogolwane wa lephata la botsogo mo kgaolong ya Letlhakeng, Dr Terrence Mokuhwa, mo segopotsong sa mafatshefatshe sa bolwetse jwa AIDS, kwa Ditshegwane. Le fa go ntse jalo, Kgosi Segotsi o boletse gore Kgosi Kgamane a re fa banni ba ka tshwara ditlhopho mo kgotleng tsa go tlhopha kgosi, jaanong banni ba tlaa bo ba sa tsepama mo tsamaisong ya bogosi. O gakolotse batsadi go potlakela kwa go ba botsogo fa ngwana a tlhagelwa ke bolwetse go na le go ya kwa dingakeng tsa setso. E ne ya re mo malatsing a le mabedi pele ga letsatsi la moletlo la Phalane a le malatsi a le mararo, ga nna le ditiragalo dingwe tse di neng di akaretsa maitiso a ngwao, dikgaisanyo tsa mabelo, le metshameko ya dibolo ka go farologana. Mme Ramosoka le Mme Moatshe ba re ba setse ngwao morago, ka jalo ba dira ditlatla le difala go tla ba di supegetsa dikokomane tse di tlang kwa morago ka go lebega ngwao e ntse e phirimelelwa ka bonya ka bonya. SACP Dimeku o boletse fa ba ne ba kgobokanyetsa dimpho tse madi ka go dira maitiso le go ntsha mo dipateng tsa bone, morago ga gore ba ikopanye le ba ofisi ya Boipelego go thusana ka megopolo. Makhanselara a kgaolo potlana ya Letlhakeng a re ga a itumedisiwe ke seemo sa metsi le ditsela mo kgaolong ya bone. Rre Phuthe o ne go na le ba e reng ba sena go rekisa ditsha, ba ye go batla meriti ya ditlankana tsa bone kwa lekgotleng la kabo ditsha, a re go dira jalo ke boferefere mme batho ba go nna jalo ba tlaa tseelwa dikgato. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Dimpho Lefhoko a tlhalosa fa ba bona phetogo e ntsi mo maduong a bana fa e sale lenaneo le simolodisiwa. Mme Tshireletso, yo e bileng e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, o boleletse banni ba Shakwe le Makwate fa e le tshwanelo ya bone le ba dikomiti tsa ditlhabololo ga mmogo le makhanselara go tswa ka megopolo ya ditlhabololo tse di ka fiwang maemo a ntlha fa go dirwa lenaneo la ditlhabololo tsa setshaba tsa bolesome le motso (NDP11) le mo lenaneong la ditogamaano tsa dikhansele la (DDP8). Rre Ntwaagae o ne a tlhalosa fa mokoba o o metsi o kgona go betla metshe. Rre Boko o buile jaana mo puisanyong le babega dikgang mo Maun bosheng pele ga go tshwara phuthego ya phatlalatsa ya sepolotiki. Fa a araba dipotso, Rre Boko o ne a supa gore diphathi tsa sepolotiki di tshwananetse go nna seopo sengwe, a re diphathi tse di mo bokopanong tsa Botswana Congress Party (BCP), Botswana National Front (BNF), Botswana People’s Party (BPP) le Botswana Movement for Democracy (BMD) di tsene ka diphatlha tsa tsone mme fa go tlhokafala gore go bulwe phatlha e nngwe gore phathi e ntsha ya Alliance for Progressives (AP) e tsene ba tlaa dira jalo ka manno a le mantsi. Thulaganyo ya go isa ditlamelo kwa Sheerwood e simolotse mo ngwageng o o fetileng mme ka mafelo a beke, banni ba le 152 ba ne ba itlhatlhobela mogare wa HIV . O ne gape a re go botlhokwa gore e re makhanselera a goroga morago ga ditlhopho a rutuntshiwe ka ditsamaiso le melawana ya khansele, gore ba itse tse ba tshwanetseng go di dira. Rre Lesedi o tlhagisitse fa ba na le boikarabelo jwa go ema bana nokeng gore ba fetse dithuto sentle le go netefatsa gore ba itekanetse e bile ba ikgapha mo tirisong ya nnotagi le diritibatsi. Selalome se tshwerwe A re lenaneo la Ipelegeng le tsweletse sentle mathata ke gore kgaolwana ya Mmatshitswane e tona mme ba fiwa palo e potlana go e hira. Rre Motoma a re gape mokgatlho o o eletsa go bona ba-na-le-bogole ba akola thuto e e maleba e bile ba kgona go akola le mananeo a a ka tokafatsang matshelo a bone. A re mo go nna motlhofo fa balemi ba dira molaletsa. E rile fa a bua mo potsolosong bosheng, Rre Phia a re le fa lenaneo la Ipelegeng e se tiro ya sennela ruri, le thusa ba le bantsi e bile le ntsha maduo a mantle mo motseng wa bone. O boletse gape fa monna wa dingwaga tse di masome mararo le boraro (33), le ene a ikgapetse botshelo mo kgotleng ya Boseja kwa Qangwa, mme a tlatsa ka go supa fa ba ise ba tlhomamise se se ka tswang se bakile tiragalo eo. Badiralapuso ba maphata a a ka fa tlase ga ofisi ya ga Tautona kwa Tutume ba kopilwe go ntsha ga tshwene mo tirong nngwe le nngwe e ba e dirang. Makhanselara a ne a amogela mogopolo o o neng o tla ka mokhanselara Rre Abel Moleloba ba supa fa o tlhamaletse ebile o ka fetola le selebego sa khansele. Kgosi Pilane a re molelo o o tlhagolela tsela boipuso jwa masome matlhano ka kgwedi ya Lwetse mme seo se mosola fela thata ka jaana se supa kgolagano le popagano e Batswana ba nnileng le yone go tloga ngwaga wa 1966. Are Rre Kaodimba o ne a fefogela kwa go yone go kgatlhantsha bapagami. A re go tsibosa borre ka botlhokwa jwa ditirelo tsa mokgatlho wa bone e ne ya re bosheng ba tlhama komiti e e tla bong e itebagantse le dikgang tse di amang borre. Rre Nkgowe o lebogetse seabe sa bomme ba mo kgwebong ya gagwe e bile a tlhalosa fa tirisano mmogo ya bone e gola ka nako tsotlhe. Le fa go ntse jalo, Tona Ralotsia o kopile ba ba nang le masimo ba sa a dirise go adima ba bangwe ba ba nang le pelo ya go lema gore le bone ba solegelwe molemo ke mananeo a puso. Rre Bonolo Moanaphuti a re, Fela jaaka leruo lengwe le lengwe le tlhokana le go tlhokomelwa ke mong ka go le fa dijo le metsi, le dinotshe re di lemela dijwalo ka gore notshe ke setshidi se se itshetsang ka dithunya A re ngwaga o ka e ne e le o monamagadi, ba ne ba kgona go lema diekere di le tharo tsa dinawa le tsa mmidi di le pedi, selo se a supileng se nnile le kgolo mo thobong ya dinotshe fa a tshwantshanya le dingwaga tse di fetileng. Rre Kgosiitsile a re ba kgonne go penta le go tsenya lebati kwa kgotleng ya Serumola. O tlhalosa fa Tautona a neetse lephata la dikgaolo le tlhabololo magae boikarabelo jwa go bona gore ditiro tsotlhe tse di neng di saletse morago ka ntlha ya tlhaelo ya madi di a diragadiwa ga mmogo le go tlosa melala ya batho ba ba neng ba tshwanetse go thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma mo ngwageng wa madi 2015/16. A re le fa motho a se na se a ka thusang ka sone, go supa mowa wa lorato ke selo se se molemo. Dikai tse dingwe tsa kgokgontsho ya tsa tlhakanelo dikobo ke go itseela dikobo ka dikgoka mo baneng ba dingwaga tse di ka fa tlase ga lesome le borataro e e tlwaelesegileng ka go bidiwa defilement ka puo ya seeng, go tlhakanela dikobo le ba lesika kgotsa ba o tshotsweng nabo e ka nna ngwana, kgaitsadio, ntsalao, malomaago, motsadi wa gago jalo jalo, a tlhalosa. A re mo nakong eno ga gona diphaephe tse di isang metsi a letamo leo mo kgaolong ya Bobirwa, a supa fa metsi a letamo leo a kgabisitse fela gona le gore a kabo a nowa ke batho ba dikgaolo tseo. A re ba dira jaana ka go reka dikgomo tse di jeleng omang mme e bile di bitsa leina la mong wa tsone fa di balwa ka motshine wa bakenti. Kgosi Seretse o ne a supa fa a tla ka thomo, go tla go tsaya leina la yo ba eletsang a ka nna kgosi. Mokhanselara Tshenyego one a ba gakolola go se kgobege marapo mme ba tswelele ka mowa wa boipelego o ba tswang kgakala ban a le one. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Monwane mo kgaolong ya Kweneng ka Labobedi, tona wa lephata leo Dr John Seakgosing a re go isa ditlamelo kwa bathong mo lephateng leo go kgorelediwa ke sebaka se dikoloi tsa lone di se tsayang di isitswe kwa CTO go baakanngwa. Ba re le ntswa mopalamente wa bone yo gape eleng kgosikgolo a tshware ka natla go emela dikeletso tsa bone kwa palamenteng, go botlhokwa gore morafe le one o mo eme nokeng ka jaana a ka se kgone a le nosi. O tlhalositse gore bane ba thusiwa ka pane ee apayang borotho (oven), setofo sa gase sa matshego a mabedi, mochine yoo dubang borotho, ditafole tse pedi, ga mmogo le motshine yoo tlhatlegang metsi le madi a P4 000, go simolodisa. A re go nnile gape le molao o o itebagantseng le bogodu ja leruo ka go lemosegile fa leruo le le botlhokwa fela thata. Bangwe ba ne ba kopa gore ka ntlha ya seemo seo, puso e sekaseke go oketsa lemme la lenaneo la ipelegeng go thusa Batswana gore ba seka ba wela mo isong. Rre Seretse o rurifaditse kgang e morago ga gore monni mongwe wa Mahetlwe e bong Rre Babedi Keabilwe a ngongoregele gore ga a kgotsofalele ka fa bommaboipelego ba dirang ditshekatsheko tsa lenaneo la nyeletso lehuma ka teng. Maemo a bobedi a ne a tsewa ke masaka a Mmatshepe le Motshegaletau kwa khanseleng potlana ya Serowe. Mokhanselara a re ga a robadiwe ke ditsela tsa kgalapitse le Nkudila tse di yang masimo ka ke gone kwa Batswana ba dirang botshelo teng mme le batho ba dirisa ditsela tseo go rwala thobo ya bone. Bangwe ba buile kwa masimo ba iphotlhere fa ba ba neng be ora molelo wa mariga ba tsena mo seatleng. Rre Masisi o ne a akgolela badiri ba Ofisi ya ga Tautona go nna le seabe mo go direleng setshaba ka go tlhakana le sone, ka go dira jalo go aga tirisanyo le tshwaragano. Kgosi Charles Koitsiwe wa Broadhurst mo Gaborone a re ga a itumedisiwe ke go bona batsadi bangwe, bogolo jang banana ba atisa mokgwa wa go akaretsa bana mo dikgotlhannyeng tsa bone. Mokhanselara Rakgomo o ne gape a lela ka banana a re ga ba tsene diphuthego. A re ka tsamaiso ya Setswana mo seemong se se tshwanang le seo batsadi ba gaabo mosadi ke bone ba ba tshwanelwang ke go tshwara tsamaiso ya lenyaolo go fitlhela ngwana mongwe wa mosetsana a nyalwa mme ba tseye magadi ao go emisetsa jo rraabone a sa bo ntshang mme go tsweng foo ba gaabo monna ba ka simololang go tsaya boikarabelo jwa dinyalo tsa bana bape ba ba tlaa latelang ka jalo bogadi jwa ngwana wa mosetsana yo o nyalwang pele bo rekolola bana ba ba setseng go tswa ko go boora mosadi go ya kwa go boora monna. O lebogetse gore e re ntswa seemo se ne se fatlha mo mosong wa letsatsi la Matlhatso, go ne ga nna le tirisanyo mmogo, batho ba tlhaloganya seemo se lefatshe le iphitlhelang le le mo go sone, ka jalo seemo sa boela meriting mo tshokologong. Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Goo-sekgweng, Mokungwane, Goo-tau le Manaledi bosheng Rre Maele o boletse fa Ipelegeng e le lenaneo le puso e neng ya le dira go namola Batswana mo lehumeng mme go na le ditsetlana tse di tshwanetseng di salwe morago. Kgang ya atlholwa mme e ne ya dira gore ka gore e ntshitswe ke kgotla kgolo ya ditsheko e diragadiwe. Banni ba motse wa Morwamosu kwa kgaolong ya Jwaneng-Mabutsane ba boleletse mopalamente wa bone, Rre Shawn Ntlhaile, fa motse wa bone ona le kgwetlho e tona ya tlhaelo ya bodiredi jwa sepodisi. Go na le dinako tse dingwe tsa go itapolosa mo dithutong tsa khomputara ka ngwana a ka se tseye nako e telele a le mo khomputareng, a tlhalosa. A re ba ne ba tsaya tshwetso e ka ba ne ba babalelwa ke ditlhwatlhwa tsa dijo mo marekisitsong ntswa ba na le bokgoni jwa go di itirela. A re, mapalamente a 20 fa makhanselara a le 198, a supa fa dipalo tseo di godile fa go tshwantshanngwa le tsa 2009. Mogokgo wa sekole se segolwane sa Mookane Junior Secondary School, Rre Emmanuel Kwape o supile matshwenyego ka botlhokatsebe jo bo diragalang mo sekoleng sa gagwe, segolo bogolo go ima ga baithuti. Baikepi o tshela ka legong Go isa ditirelo kwa setshabeng go botlhokwa Rre Tsogwane, yo o neng a etetse lelwapa leo ka Laboraro, o tlhalositse fa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi le ene a itse ka mathata aa ba tlhagetseng mme le ene o rometse kgomotso. O ne bogolo thata a gakolola ba ba tla bong ba hirisitse dikoloi tsa mosepele o mo leele, gore ba fe bakgweetsi ba bone nako ya go ikhutsa, a tlatsa ka gore bogolo ba hire bakgweetsi ba feta bongwe. Rre Thiite o ne a gakolola ba ba adimeleng madi a SHHA go aga le go tlhabolola ditsha tsa bone le go a busa, ka lenaneo le le diretswe go thusa Batswana, mme madi one a ba a busang ke one a a adimiwang ba bangwe gore le bone ba itlhabolole. Banni ba kaile fa ditholo di tlola terata e ageletseng masimo mme di lale mo masimong a bone bosigo jotlhe. O buile jalo ka letsatsi la Tshipi kwa Kang kwa kgaolong ya Kgalagadi ga go tswalwa semmuso kgwedi ya merapelo. Mogokaganyi wa ofisi ya banalebogole Rre Thomas Motingwa o ne a leboga Tautona ka a ne a lemoga gore banalebogole ba bewa kwa mahuri mme a simolodisa ofisi ya banalebogole ka 2010 ka fa tlase ga ofisi ya gagwe. Rre Mbanga a re ba beile motse wa Nata mo mmepeng e bile e setse e le boremelelo jwa bojanala. Mo mafokong a gagwe a tebogo, modulasetilo wa komiti ya Pastoral Parish Council mo kerekeng eo, Rre Thato Tumaeletse o tlhalositse fa e ne ya re ka 2014 e le ba phuthego ya kereke eo ba tswa ka mogopolo wa go aga lefelo la thapelo la Grotto ka ba ne ba lemogile fa le le botlhokwa. E re ka phokoje go tshela yo o dithetsenyana ebile mokoduwe go thusiwa o o itekang, Batswana bangwe ba tsweletse ka go ikemela ka dinao. Mme Nkgokolo a re bana ba malatsi ano ba nwa bojalwa phetelela. O boletse fa go fudugela mo masimo a ne a bona a sa boelwe ke sepe a berekela go duela metsi fa e sale go tsaya kompone ya WUC go tswa mo khanseleng. Rre Motsewapuo o tlhalositse fa puso e ka seke e kgone e le nosi ka lebaka la letlhoko la madi. Kgaolwana ya MOKGADI, e bopilwe ka metse e le meraro ebong Mogapinyana, Kgagodi le Diloro. Molemi wa Palapye, Mme Tshegofatso Garethata, a re go lema ka pula ya ntlha le go kgaoganya temo go na le dipoelo tse di nametsang. E ne ya re a ba tlhalosetsa ka maikaelelo a go tlisa seromamowa kwa setshabeng, mogolwane yo o okametseng tsa lekalana le kgaso la RB, Rre Bofelo Rakgasa a tlhalosa fa maikaelelo magolo a tiriso ya seromamowa e le go anamisa mananeo a puso le go a isa kwa setshabeng go ba ruta ka one. A re setlhare se, jaaka go bolelwa ga se a siamela botsogo jwa batho ka go supagetse fa se koafatsa matlho ka nako e se ntshang dithunya. Modulasetilo wa lekgotla la baruti, Moruti Karabo Lekula o ne a tlhalosa fa maikaelelo le maikemisetso a lekgotla la bone e le gore dikereke di dirisanye gore kwa bofelong lefatshe le nne le kagiso. Mogokgo wa sekole se se botlana sa Dipotsana, Mme Violet Majagoba a re dikole di ka ntsha maduo a a botoka fa di tshegetsa ngwao ya Setswana, e gompieno go lebegang e nyelela ka monokela. O ba kopile go begela lekalana la tshenyetso setshaba fa ba lemoga tshenyetso setshaba le go tsibosa moeteledipele wa bone fa ba lemoga fa go na le mabeelo a tshenyetso setshaba gore mokgwa o o kganelwe. Seemo sa borukutlhi se tokafetse kwa Tsabong Rre Setabo o supile gape fa ba bonye go le botlhokwa gore bonnye jo ba nang le bone ba tle go bo ba bontsha, a supa fa ba solofela fa moletlo o o tlaa gola fa dingwaga di ntse di ya pele. Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo mothusa modulasetilo mo komiting ya ipabalelo tseleng mo kgalagadi borwa Assistant Supurintendent Keagetswe Lorato o ne a tlhalosa fa maikaelelo e ne e le go tsibosa bakgweetsi ka botlhokwa jwa go hema dikotsi le Go ba tsibosa ka ditlamorago tsa go tlhoka go kgweetsa sentle gammogo le go ba rotloetsa go nna le go tsaya boikarabelo mo go tlhomamiseng gore ga go direge dikotsi dipe gotlhelele. Ba re ba na le pelaelo ya gore go na le bangwe ba e leng dingaka tsa setso ba ba ka tswang ba thusa basetsana ba kgotla eo go senya boimana, Ba bolela fa go dira jalo go senya kgotlana ya bone leina. Bana bao ga ba bolo go tlhokomelwa ke lekgotla le ka 2007. Rre Mautle o tlhalositse fa thotloetso ya bone e ikaegile mo go reng bana ba tlhwaafalele go rutega le go ntsha maduo a mantle gore ba tle ba nne batho ba ba eletsegang mo setshabeng, a tlatsa ka gore seo se ka fokotsa dipalo tsa botlhoka tsebe le borukutlhi. Mme Gabathuse a re mapodisi ao a ne a ragosediwa kwa sekolong sa mapodise kwa Otse go ya go bona kalafi; mme morago ba ntshiwa. Mafoko a, a builwe ke mokhanselara wa kgaolwana ya Radisele, Rre Kgosiemang Monare kwa mogwantong o o neng o rulagantswe ke kereke ya UCCSA bosheng. Komiti ya Lephane e tlhoafetse Fa a ntsha leina la yo a tlaa nnang setilo sa bogosi jwa Talaojane, rrangwanaagwe kgosi, Rre Moji Moaro, o supile fa e rile morago ga sehuralo sa sa Kgosi Talaojane, botsadi jwa kopana, ba itshekatsheka gore ba bone yo o ka tsayang setilo. Mopalamente one a kopa sechaba gore fa gona le matshweneygo ba phuthuloge goa buwa, bogolo jang mo bodireding gore dilo ditle di tsamaisiwe ka tsela ee siameng. A re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a tsee boikarabelo jwa go somarela metsi gore a kgone go lekana mo nakong e a tlhokwang bobe. Lehuti le jelwe ke molelo Dibui tse dingwe di ne tsa kopa batlhophi gore ba seka ba tsiediwa ke diphathi tsa kganetso, ka go di tlhopha e tlaa bo e le go itlhaba ka ka thipa mpeng. A re tshwaragano ke phenyo. One a tswelela ka go supa ga lephata le tla ka metlhale e mentsi ya go tlhabolola temo mo kgaolong ntle le go ntle le gore puso e senyegelwe.A re puso e bone gole botoka gore dipeo dingwe di tshwana le mmidi di emisiwe go abelwa balemi ba kgaolo ya kgalagadi ka go lebega fa o sa dire sentle mo kgaolong ee. O boletse fa a eletsa go godisa kgwebo ya gagwe ka jaana e kgonne go mo tsenyetsa ngwana sekole le go tsenya phaletshe mo ntlong. A re banana ba gompieno ba pelo dikhutshwane mme mafoko a re Roma ga a agiwa ka letsatsi le le lengwefela. Mo go tse dingwe, Rre Goya o ne a itsise maloko a kereke fa puso e rotloetsa Batswana ka mananeo go ba ntsha mo lehumeng la nta ya tlhogo. Banni ba Pole le Masukwane mo Bokone Botlhaba ba ikuetse kwa mopalamenteng wa Tati Bophirima, Rre Biggie Butale gore ga ba bolo go letela tekodiso ka tsela e e gokaganyang Tshesebe, Mosojane le Masunga, segolo jang morago ga go gogela morago rakonteraka yo o neng a filwe tiro eo. Mongwe wa ba ba amilweng ke tiragalo eo, Mme Kelebogile Radikokwana o boletse fa matsubutsubu ao a ba tsere ka tshoganetso maitseboa a Labobedi. Rre Batshu a re kwadiso eo, e botlhokwa thata ka e thusa puso mo go logeng ditogamaanong tsa ditlhabololo tsa lefatshe di tshwana tsa thuto, botsogo le tse dingwe. Maele o galaletsa lephata la matimela O tlhalositse fa banana e le batho ba ba sa rateng go ithuta mo go ba bangwe ka ba le ditlhong e bile ba sena kgatlhego ya go itirela bontle mo botshelong. Rre Otshedisitse Sitang wa madirelo a Sitang Furniture Designs o rotloeditse banana go dirisa ditalente tsa bone go ipulela dikgwebo go na le go nna le keletso ya go thapiwa. Mogokgo o tsweletse a tlhalosa fa batsadi ba sa rotloediwe go direla bana ba bone tiro, ka a re go dira jalo go ka bakela moithuti mathata ka nako ya ditlhatlhobo ka o tlaa bo a sa tlhaloganya sepe ntswa a dirile sentle ka fa tlase ga lenaneo le. A re melemo ya dihutshane e turu mo di felelang di eswa ka dipalo tse di kwa godimo. Go tlhalosiwa fa metshameko eo e ne e rotloediwa ke lephata la banana, metshameko le ngwao le le ntsheditseng kgaisanyo eo P30 000, fa mabelo one a rotloeditswe ke First National Bank ka P180 000 go dirisiwa mo kgaisanong eo mo dingwageng tse tharo ka tatelano go simolola ka kgaisano ya monongwaga. Ba buile jalo fa ba akgela mo pegong ya ga modulasetilo. Mopalamente o ne a kopa batho ba kgaolo ya gagwe go amogela ditlhabololo tse di tlang, a re sejo sennye ga se fete molomo, mme a tlatsa ka gore go santse go le thata gore dikopo tsa bone di ka diragadiwa tsotlhe, mme fela fa madi a nna teng di tlaa nna di ketlolwa. O supile gape fa ba kgonne go araba ikuelo ya ga Tautona go neela bagodi gammogo le batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng lerato ka jalo a supa fa ba dirile moriti fa bagodi ba tlaa ikhutsang teng fa ba ya go amogela madi a bogodi. Kgang eo ya go thankgola modulasetilo e ne ya kgoreletsa dipuisanyo tsa khansele mo malatsing a mararo. Rre Davids a re boammaaruri ke gore motse wa Bokaa o godile mme go tshwanetse ga sekasekwa gore metsi a atolosiwa jang mo motseng gore a goroge le ko ditsheng tse disha tota. A re Batswana ba ba nnang kwa ntle ga lefatshe ba tshwanetse go nna sekao ka jaana ke bone ba ka supang botho jwa Batswana le go tshegetsa ngwao, e seng go kopisa dingwao tsa ditshaba disele. Mme Alone o supile gore ka nako ya fa a simolola tiro ya boithaopo o ne a lebogiwa ka P50 ka letsatsi mme mo nakong eno a oketsegile go nna P70, a supa fa madi ao a le kwa tlase fela thata. A re bojalwa joo ,jo banni ba motse ba bo bitsang Tipi ya Mokwatla, bo tsaya dioura di se kae fela bo bo bo setse bo siametse go nowa, ka jalo se se dira gore bo nne bo le teng ka dinako tsotlhe. O ne a gakolola Batswana, segolo jang banana gore ba seka ba iteba dinala, ba lebe tiro ya diatla e le bokamoso fa ditiro di santse di sa bonale. O supile fa maikaelelo a mangwe e ne e le go lemoga bana ba ba sa dirang sentle mme ba iteka le ba ba dirang sentle mo go tsa metshameko. O tlhalosa gore mo nakong e e fetileng banana ba motse oo ba ne ba dirisa lebala la sekole se sebotlana sa Mogonye mme mo nakong ya gompieno go sa letlelelwe gore ba ka dirisa lebala leo. Rre Madzinyane a re khansele e dirile tumalano le baikopedi gore ba ka busa madi a kadimo ka go duela kwa bankeng, kana madi a a ka gogiwa mo dituelong tsa bone kgotsa ba ka tla go duela kwa khanseleng. Rre Tumaeletse o ne a kaya tiro e kgolo ya komiti e a e eteletseng pele e le go buisana ka ditlhabololo tse di tshwanetseng go dirwa mo kerekeng, go phutha le tlhokomelo ya madi le gone go tshereganya mo dikgannyeng dingwe tse di ka tlhagogang mo kerekeng. O ne gape a supa fa peo e e jwadilweng ke Tautona e wetse mo mmung o o siameng, ka a ne a seka a nyatsa bokgoni jwa Batswana, a bona go le matshwanedi go ba ngoka le go ba gakolola ka letshego la boithaopo, mowa wa kutlwelobotlhoko le go aba. A re puso e tlaa sekaseka gore go ka dirwa jang gore batho ba tshele sentle le diphologolo, di sa ba senyetse e bile di sa tsenye matshelo a bone mo diphatseng ka jaana go nnile le dipego di le dintsi tsa go tlhoka go tshedisana sentle ga diphologolo le batho, segolo bogolo ditlou. Modulasetilo, Rre Kenabatho a re dingwe tse di tlaa dirwang mo tshingwaneng ya Eden ke temo ya merogo, ditlhare tsa maungo, thuo ya dihutshane le tse dingwe tse ba bonang di ka nna botlhokwa mo go tswakanyeng itsholelo ya motse. O ba tlhaloseditse gape ka tetla ya gore badirela puso ba ka dira dikgwebo mme fela fa ba filwe tetla ke mokwaledi mogolo wa lephata. Kgamane o bolotsa letsema A re dilo tse, di rwesa batsadi mokgweleo ka e le bone ba ba tlhokomelang bana fa go tlhagoga mathata. O gakolotse balemi kgatlhanong le go reka ditshefi tse di sa kwadisiwang ka fa molaong mo lefatsheng leno, a re tse di kwadisitsweng ga di borai thata fa di dirisitswe ka kelotlhoko. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e e itebagantseng le go rolela morafe ka fa dipaakanyetso di tsweletseng ka teng, Rre Kgaogano Pagiwa a re ba bereka bosigo le motshegare go rulaganyetsa moletlo wa maemo a ntlha o o tla natefisiwang ka metshameko ya ngwao e akaretsa morabaraba, diketo, dikhwaere, maboko gammogo le kapei ya dijo tsa Setswana, e le tsela nngwe ya go le busetsa seriti se se le tshwanetseng. O kopile barutabana go ikitaya ka thupana go ntsha maduo a tlhwatlhwa le gore ba tseye tiro ya bone jaaka pitso e e kgethegileng. A re ka jaana puso ya lefatshe leno e tseela kwa godimo go tlhabolola motho, ka jalo o itumedisiwa ke go bo lekalana la gagwe le le mo motlhaleng o montle wa go thusa mo maitekong ao. Re dumela gore, lefatshe le le santse le le lennye mo e leng gore rotlhe re ka leka go tsaya mananeo, ra a dirisa, ra tlhama ditiro, gore le rona mo botshelong re ka nna le ditsarona, a bolela. E rile a leboga mothusa tona, modulasetilo wa khansele potlana ya Okavango, Mokhanselara Samson Mauano a mo akgola go bo a kgonne go tlisa thomo mme a amogela dikarabo, mme a supa gore puso e kgathala ka matshwenyego a morafe. A re fa motho a opela pina eo, o tshwanetse a dira jalo ka tlhoafalo, e bile mafoko a yone a tshwanetse go tlhaba moopedi mo pelong. O ne a tlhalosa gore ba ne ba tswelela fela jalo mme e ne ya re morago ga dikgwedi tse thataro maloko a mane a ithola marapo a supa fa kgwebo e sena dipoelo tse di nametsang. Maina a baswi a santse a tshegeditswe go itsise ba masika. Ka thuso ya ba ofisi ya nyeletso lehuma ba khansele- potlana ya Good Hope, e rile ka ngwaga wa 2013 a ya go rutwa ka thuo ya dinotshi sebaka sa malatsi a le matlhano kwa Pelotshetlha. O ne a bua se mo bokopanong jwa khansele ya toropokgolo ya Gaborone. A re bone e le sepodisi ba leka ka go dira dikganedi tsa tsela le go ba otlhaya mme go lebega gore dikotlhao tseo ga di dire sepe mme o ne a kopa baruti go rapela thata a supa fa Modimo e le ene fela a ka kgonang tsotlhe. O tlhalositse fa a na le mowa wa lorato wa go rata merogo le ditlhare a di lema mme seo se tlile fela mo go ene e le toro abo a tswelela ka go dira, a re o sale a nna le lorato la temo go tswa bogologolong metsi a santse a laolwa ke khansele mme ditlhwatlhwa tsa one di le kwa tlase mme a sa lele ka dituelo tsa metsi. A re fa morafe o ka tshwaragana wa dira ka mowa o le mongwe go lwantsha borukutlhi mo motseng, go ka ba sologela molemo gore ba kgone go tshelela mo kagisong. Rre Maele a re go nnile le dipego di le dintsinyana tse di amanang le Ipelegeng di akaretsa go sa thapeng ka tsamaiso e e letlelesegang, go gana go thapa mabaka e le a gore yo o batlang go thapiwa o amogela madi a tantabala le go thapa ka lesika kana botsala. Kgosi o rotloeditse bagodi go itlhatlhobela malwetse ka go farologanya le go itse diemo tsa bone tsa botsogo. Kgosi ya Khudumelapye, Rre Edwin Ramokobetwane a re ga a itumedisiwe ke go gola ga dikgang tsa tlhalo kwa motseng wa gagwe. Moopedi o jesetsa babogedi ka mogopo o tletse A re Kgosi Telekelo o kopile gore baruti ba bue le diphuthego ba di kgothatse go dira loaro lwa borre lo lo babalesegileng, a re mme le ene o eletsa go bona baruti ba kgothatsa bana ba bone kwa dikerekeng gore ba ye go dira loaro lo. E re ka lefatshe leno le tsweleltse ka go itemogela kgolo ya letlhoko la ditiro,banana bangwe ba bone go tshwanela gore ba seka ba nna ka diatla tsa bone,ba ithele metsi mo ganong. Rre Osenoneng are mohero o o borai fela thata ka jalo ba tlhoka molemesi mo kgaolong yo o ka nnang gaufi le bone go ba rotloetsa le go ba fa bogakolodi jo bo lolameng ka twantsho ya dio di tshwana le tse. Molaetsa wa letsatsi o tlaa bo o tla ka mogokaganyi wa lephata la temo-thuo mo kgaolong ya Borwa Mme Monia Mfolwe. Fa a tswa la gagwe, mookamela FNBB la Jwaneng Mme Hildah Mooketsi o tlhalositse gore banka eo e ikemiseditse go tlhabolola matshelo a batho mme e phatlaladitse P2 million mono ngwaga lefatse ka bophara go thusa ba ba ’kobo dikhutshwane. A re e re le ntswa ba nna ba ntsha dikgakololo fa batho ba tsile go itlhatlhoba, ba tshwenngwa ke gore ba nna fela ba tlamela balwetse ba le bangwe fela. Bomme ba gatetse pele Mme Mogotsi o bile a ikuela ka letlhoko la dikago tsa puso mo motseng a re bodiredi jwa kgotla bo akaretsa mokwaledi, mapodise gammogo le badiri ba temo thuo ba kopanetse ofisi e le nngwe. Mo potsolotsong le moanamisa mafoko wa komiti e e rulaganyetsang tiro eo bosheng, Rre Dennis William o boletse fa tiro eo e ka bo e tshwerwe kgwedi eno ya Ngwanatsele e le lesome le botlhano jaaka ba lelwapa la bogosi ba ne ba eleditse mme ka ntlha ya go salela morago ga dipaakanyo ya tlosolosiwa. A re ba kopanele dikitso tse di molemo, ba gakololane, a re se, ke gone go fetola bosula go bodira molemo, ka maikaelelo a go aga sechaba se se rategang. O kopile mmatoropo go laletsa mopalamete wa kgaolo gore ba tle ba mo neele mofago wa go isa tshutiso eo kwa palamenteng ka jaana bone ba sena thata ya go fetola melao e e tlhomilweng ke palamente. A re moletlo oo, ke lengwe la maiteko a bone e le banana mo go nneng le seabe mo tsosolosong ya itsholelo ya toropo ya Selebi Phikwe. Batho ba le bane ba tlhokafaletse gone foo morago ga gore koloi e ba neng ba tsamaya ka yone ya Mazda 323 e e neng e tswa borwa e ya bokone e thulane le ya Nissan Tida e e neng e tswa bokone e ya borwa ka Labotlhano, dikhilomithara di ka nna lesome go tswa mo tseleng ya A1 mo Palapye. Go le gantsi batho ba dumela mo goreng ngwana o ka bona thuto e e lolameng fela fa a tsene mo dikoleng tsa sekgoa, kana a le mo mafelong a a nang le ditlamelo, segolo jang mo metseng e metona, seo se bo se rotloetsa boitseme jwa go dira ka natla ga bodiredi go ntsha maduo. O gakolotse borre ba ba iphitlhelang ba le mo seemong se go ikuela le go kopa thuso kwa diofising tse di maleba. Kwa bofelong Rre David o ne a kopa setshaba go tlhagola dijarata tsa bone, go tswala mabati le matlhabaphefo mo matlong a bone ka go le tlhaga e ntsi thata morago ga go na ga dipula tse di masetla tse di neleng mo ngwageng ono. Ba Itholoke ba ne ba ikuela gore kokelwana ya bone e atolosiwe e bo e tsenngwe motlakase le mo matlung a badirelapuso. Kgotla ya Talaojane, e wela ka fa tlase ga Kgotla e tona, ya Maaloso, e e nang le dikgotlana dile masome a matlhano le bobedi. Le fa go ntse jalo, barui ba buile maikutlo a a farologaneng. Baemedi gotswa kwa koporaseng ya balemi ya MOSISEDI ba kgothaditse ba serowe borwa go tshwara ka thata mme bare go botlhokwa gore ba ikopanye mme ba itirele thuto-seka dipuisano ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. Rre Kwape o tlatsa ka go re barutabana ba bokaedi ba tshwere phage ka mangana go nyeletsa botlhokatsebe jo mme ba dira se ba tshwaraganye le mokgatlho wa PACT o one o fang baithuti sebaka sa go tlanyatlanya dikgang tse di ba amang ka bobone. O tlhalositse fa a santse a tlhaelelwa ke didirisiwa tse a ka godisang kgwebo ya gagwe go ka rekisetsa dikolo, mabentlele ga mmogo le dikokelo ka botshe jo jwa dinotshi bo tlhokafala mo botsogong jwa batho. A kaya fa seo seka thusa thata mo ditlhopha go bua ka lentswe le le lengwe, nngwe ya ditiro tse ba di dirang o kaile fa e le go godisa, go ruthuntsha le go tlhabolola ditlhopha tse di farologanyeng. A re o rekisetsa ditlatlana tsa gagwe mo mmolong wa Francistown fa go fetang batho ba bantsi teng. O tlhalositse gore o segile di CD di le 500 mme di rekilwe tsotlhe, mo a bolelang fa go supa gore e dira sentle mo mmarakeng. Fa a latlhela la gagwe mothusa modulasetilo wa masimo a Bobonong borwa, Mme Morongwa Oratile o supile fa metsi mo masimong a bone e le kgwetlho ka didiba di kgadile. Kgosi a re o tshwenngwa ke dikgang tse di golelang pele tsa bana ba dikole ba go tweng ba nale mewa ya ga saatane ga mmogo le batsadi ba ba sa tseneng diphuthego tsa lekgotla la batsadi le barutabana. A re bana ba tlaa nna le seriti e bile ba tlaa tswelela ka dithuto sentle go sena se se ba kgoreletsang. Monana a ikanya thekiso ya dijo Modulasetilo wa khansele ya kgaolo potlana ya Bobirwa, Rre Nathaniel Moribame, o lebogetse dimpho tse, a re seo se tlaa fetola matshelo a ba le bantsi mo kgaolong eo. E rile a tswa la gagwe, mme Ntomi Sanfole go tswa kwa Mabudzane a tlhalosa fa dipelo tsa bone di ne di gamuketse botlhoko ka ba ne gape ba tshogetse bokamoso jwa baithuti. Rre Keith Bafenyi mongwe wa leloko la Ngwao loshalaba Association o ne a tlhalosetsa ditlhopha ka bomoosola jwa go ikwadisa mo mokgatlho oo. Mokhanselara Mokgosi o ne a supa fa a tshwenngwa ke se a lemogang e le tlwaelo ya go ikgatholosa tsamaiso ga makhanselara mangwe ka go sa tseneng diphuthego tsa khansele ka fa go tshwanetseng ka teng, le go ikgatholosa boikarabelo jo ba bo tshwereng. Modulasetilo wa komiti eo, Rre Modise Motshegwa o tlhaloseditse O boletse fa morafe o ne wa tlhoma komiti e e tlaa etelelang tiro pele, mme komiti e ne ya rongwa go tsamaya e tsaya malebela mo metseng e metona mo lefatsheng leno go bona ka fa go agilweng maobo a dikgotla ka teng. Fa a tlhomamisa barongwa ba ga Keresete ba ba neng ba le masome mararo le borataro ba ba neng ba sa tswa go fetsa dithuto tsa barongwa ba ga Keresete mo kerekeng eo, o ba tlhaloseditse fa e le tshimimologo ya go rongwa go dira tiro ya Modimo. Modulasetilo a re bodiredi jwa VDC le jone bo hupediwa ke tiro mme ba kopa gore ba atswiwe ka P1 500 ka kgwedi ka gore ba dira ditiro tsa setshaba. Eddie Mmutlana o ne a tsaya tlotla ya ngwana yo o ba gaisitseng botlhe. Ba ne gape ba agelela lelwapa loora Gabosekwe ka terata ba bo ba tsenya le pompo ya metsi. ore puso e eme Batswana nokeng. Mme Gwai a re ba lemogile gore ditlhabololo tsa lebala la metshameko di saletse kwa morago. E rile mo dingwageng tse di fetileng, bogogi jwa toropo ya Jwaneng jwa tsaya tshwetso ya go ntsha bo maipaafela bao mo toropong go sutela madirelo,mme ba ne ba ya go ipaya gape ko motseng wa Sese dikhilomethara di le lesome go tswa mo toropong ya jwaneng, ga mmogo le mo sekgweng se se bapileng le terata ya Jwaneng. Rre Reatile o ne a kgothatsa maloko a kereke eo go tshwara ka thata mo tumelong go etsa mosimolodi wa yone yo a neng a sa kgatlhegele dikhumo tsa lefatshe fa e se go dira thomo ya Modimo. Gape o gakolotse banni gore ba emise mokgwa wa go letlelela batho go tsena mo malwapeng a bone ba itira badiri ba lephata lefe fela. O tlhalositse fa madi a ntshitswe go dira ditshekatsheko mabapi le kago ya sepatela se setona sa Selebi Phikwe go bona gore a se ka agwa ka moalo o mogologolo ka go tlhokega gore o tlhabololwe go tsenngwe dingwe tse di ka tsamaelanang le seemo sa gompieno. O ne a iteela moroko mafoko a gore le batlhokomedi ba bana bao le bone di tlaa ba sologela molemo ka tsela nngwe. A re go sule dikgomo di le makgolo a mane le masome a marataro fa dihutshane tsone go sule di le makgolo a mabedi le masome a matlhano. O supile fa ba ne ba lemoga fa batho ka bontsi ba latlhegelwa ke matshelo, mme seo se bakwa thata ke tiriso botlhaswa ya nnotagi. Mme Alone a re o dira tiro ya gagwe ka lorato, sebe sa phiri ke gore lemmenyana le a lebogiwang ka lone ga le kgone go mo thusa ka go se sepe se a itshetsang ka sone. Rre Kehupetse o tlhalositse fa maikaelelo a komiti ya Gopolang Balwetse e e tlhamilweng ke badiri ba sepetela seo ka ngwaga wa 2010 moono wa yone e le go tlhomamisa gore balwetse ba tlhokomelesega sentle ka dinako tsotlhe a kaya fa balwetse bangwe ba tswa kgakala mme ba masika ba ketefalelwa ke go ba lekola sentle ka fa ba ka eletsang ka teng. A re dinako tse, di ratwa ke dirukutlhi ka go a bo go le lehitshwana gape batho ba a bo ba ya ditirong kana ba tswa ditirong. Rre Botoka a re ba lemogile gape fa kgokgontsho e le ntsi mo malwapeng selo se a kaileng fa se diragala thata mo malwapeng a batsadi ba ba nnang mmogo ba sa nyalana e bile gantsi ba fitlhelana ka bana. A re seo se tlama bodiredi jwa lehuti go felela bo kgaoganya matlakala mme go die ditiro dingwe. O kgothaditse banana botlhe ba ba sa berekeng go emela matshelo a bone ka dinao go nale go emela puso go ba akanyetsa. Rre Kenabatho a re lekgotla la kabo ditsha le mo thulaganyong ya go baakanya peo ya tshingwana eo, ba a fetolela mo tsamaisong ya segompieno go tswa mo go ya bogologolo ee neng e dirilwe ke dikgosi. Le fa go ntse jalo, Mme Moloi o boletse fa dikgwetlho e le batsadi bangwe ba ba dumelang gore go ruta ngwana khomputara ke go mo fa lesedi la go ithuta dilo tse di maswe mo go yone mme a re go tila se, ga a tsenya internet ka bana ba ka bala tse ba sa tshwanelang go di bala mo yone. O tlhaloseditse makhanselara gore madi a LIMID a mo letloleng le le lengwe lefatshe ka bophara, ke ka moo ka nako tse dingwe a felang ba santse ba ise ba feleletse go reka di dirisiwa go di isa kwa bathong. Emisang go kgotlela tikologo - Baatweng Rre Goya o buile jalo kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke kereke ya UCCSA go kokoanyetsa madi kago ya UCCSA Boseja. Mme Lulu Keitumetse Lekwe, mmereki mo ofising ya bong kwa Tsabong, a re lephata la bone le ne la dira thulaganyo ya go tsena ntlo le ntlwana kwa motseng wa Monong, maikaelelo e le go tlhomamisa gore a batho ba itse ka kgokgntsho le gone gore e raya eng. Rre Kapeko, a re masimo a ke mangwe a masimo a a dikileng a tswetswe ke mohero wa tlolela o o setseng o iphetotse sera mo masimonga ka bontsi mo kgaolong. Bomme ba kgothadiwa go tshwara ka thata Dipalo tsa batho ba ba thusiwang ke puso di kwa godimo mo kgaolong potlana ya Palapye, le mororo modulasetilo Rre Onneetse Ramogapi a supile fa dithuso tsone di goroga sentle kwa go ba di ba lebaneng. Fa a ntsha maikaelelo a letsatsi leo, modiri go tswa mo ofising ya molomaganyi wa mananeo a twantsho kanamo ya mogare wa HIV mo kgaolong ya Letlhakeng, Mme Masego Ogaketse, o boletse fa moono mogolo wa letsatsi le e le go tla go tsibosa setshaba ka dikgang di le mmalwa tse di itebagantseng le bolwetse jwa AIDS. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Kemo Kaboko a re kopo ya bone go direlwa motshelakgabo gaufi le kampa ya masole go ba thusa go ya kwa kokelong ya Letsholathebe, e ne e dumalwanwe mo DDP7 mme e rile ka DDP8 ya bo e seyo, ga go na karabo gore ke eng go sa diragadiwa. Rre Okatswa ene o rotloeditse baithuti go reetsa barutabana ka go sena bokamoso ntle le thuto mme a ba gakolola gore go inaakanya le tse di duleng mo tseleng ga go kitla go ba leretse isago e e siameng. E rile a bua mo potsolosong le motswedi wa dikgang wa BOPA Kgosi Koboyakgomo o tlhalositse fa batsadi ba motse wa Thamaga ba dirisanya le bone sentle thata go laola botlhoka tsebe jo bo neng jwa apara motse wa bone dikgwedinyana tse di fetileng. Mogokaganyi wa lenaneo la Re A Nyalana, Mme Annah Morwaagole a re e re ka jaana tsamaiso ya setshaba e simolola ka lelwapa, ba bone go tshwanela gore ba atolose ditirelo tsa bone ba rute Batswana ka ditsamaiso le ditshwanelo tse di amang matshelo a bone. Banka eo e ne ya rotloetsa mogwato oo ka madi a P20 000, fa ba Exclusive Insurance Solution ba ntshitse madi a a kanang ka P22 000. Gape o ne a supa fa lephata la gagwe le sa robalelwa ke ditlhokwa ka dikgang tsa banyalani ba ba tlhalanang, bogolo jang banana. E rile a araba selelo sabanni ba Mokgomane sa gore ditsheko ga di sekwe ka ntlha ya gore kgosi ya boneo lobaka a seo, Mme Ramosiane o ne a tlhalosa fa ba itse gore kgosi ya bone aseyo ka mabaka a botsogo, a tla a re ba tlaa rulaganya gore fa ditsheko di ledintsi ba bone gore a ba ka se tsise kgosi nngwe go tla go sekisa ditsheko goredi fokotsege. Rre Magagane o boletse fa ba tla dirisa mebala e e latelang; o montsho le bosweu, bontsho le bohibidu gammogo le bosweu le bohibidu. A re ba ne ba thusiwa ka P220 000 go simolodisa kgwebo ya go dira matlapa a a beelwang batho ba ba tlhokafetseng. Mme Venson-Moitoi a re bangwe ba santse ba na le lesokolela, ka ba bolela fa ba itshetsa ka bojalwa mme ba ka seka ba tlogelwa kwa morago. A re morago ga tseo go ne go kolobediwa ditodi tsa mogwana ka metsi a thito ya moretologa go itsa gore ditodi di omelele ka bonako, mme go bo go bofelelwa dithito tsa moreteloga fa go robegileng teng. O rotloeditse banana gore ba seka ba nna fela ka tsholofelo ya gore puso e tla a ba direla sengwe le sengwe mme ba tshwanetse go iphataphatela. Ka jalo o rotloetsa banana ka ene go gwetlhega go nna le lerato, maikaelelo le maitlamo mo go sepe se ba eletsang go se dira go itshetsa. Mme Segokgo a re le fa go ntse jalo go na le ba ba ithaopileng go thusa ka sepe fela se ba nang le sone, a bolela gore ofisi ya banana e ithaopile go ba thusa ka dijonyana tsa mo mosong ka ba itse gore puso mo nakong eno ga e a ba fa madi a sepe fa ba tshwantshanya le 2016. O tlhalositse fa go ne ga tshwarwa dipuisano go rerisana le motshwarelela bogosi ja ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane ka go tlhoma kgosi e nngwe kwa motseng oo. Fa a bua le ba lekalana la dikgang la BOPA modulasetilo wa lekalana la borre le le okametseng a mangwe mo lefatsheng leno Rre Tlhakakulagae Onkokame o tlhalositse fa mo malatsing a le lesome ba kgonne go fitlhelela maikaelelo a bone a go gasa molaetsa mo banning ba metse eo. Ba tshegeditse katlego ya 2016 A re go tla tiro e tona ya temo ya sonobolomo e e tlaa tlhokang lefatshe ka jalo masimo a bone a ka tla a ba sologela molemo thata gore le bone ba kgone go dirisa sebaka seo go dira madi go ka itshetsa. E rile bosheng Ramapodisi a Molepolole, Superintendent Charles Mbengwa a tshwara bokopano le dikgosi tsa Molepolole go di rolela maikaelelo a sepodisi a go nna le thuto-puisanyo kgwedi e e tlang e ya fifing. Rre Mokhutshwane a re lebaka le lengwe le le ba tshwenyang ke go tlhoka go itlama ga batho ba ba thusitsweng ka mananeo ka ba a latlhelela ga ba tlhokomele leruo mme e bile fa gongwe ba re le timetse kana le sule. Dikhilomethara tse tlhano go tswa kwa toropong ya Selebi Phikwe go ikadile meraka ya dipodi e e bidiwang Majweng, e e kgatlhang leitlho. Thotloetso e, e dirilwe ke mmatoropo wa Lobatse, Mme Malebogo Kruger, jaaka bo mme ba sepodisi ba kgaolo ya borwa ba ne ba tshwere letsatsi la moletlo wa go itokafatsa, go ya ka dikitso tsa bone le makgoni a bone go ntsha maduo a maemo a ntlha. Ba re ba leka ka thata go tlhapa ka metsi aa nang le molora nako le nako fa ba ntse ba theogetse. Kgosi, o supile fa a tlaa tsaya leina la ga Rre Oitsile Matho, yo go dumalanweng go ka nna setilo sa bogosi jwa kgotla ya Talaojane. Rre Molefhi o ne a re bodiredi ga bo a tshwanela go nna bodiredi fela mme bo tshwanetse go nna le boikarabelo mo setshabeng se bo tshelang le sone. Mothusa tautona o supile fa go le botlhokwa go bona gore bana ba sireletsegile ka nako tsotlhe. Bagwebi ba babotlana ba tlhalosa fa ba itumelela tirisanyo mmogo le mogwebi wa marekisetso a Shoprite U-save a a tsileng mo kgaolong ya bone bosheng. Fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng, Rre Moagi Molebatsi o supile fa palamente e dirile ditshwaelo le ditshutiso di le mmalwa tsa melao, go akaretsa molao wa kgokgontsho ya bong. Banni ba Mogotlho ba ne gape ba dirile kopo ya go tsenyetswa motlakase, mme e rile a ba neelakarabo, Mme Tshireletso a tlhalosa fa batho botlhe ba ba eletsang go tsenyetswa motlakase ba ka isa dikopo tsa bone ka motlakase o setse o le gaufi, o feta ha godimo ga motse wa bone o ya ko metseng e mengwe. Ene e rile go le pele modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Rahim Batshwaregi a supa matshwenyego ka sepatela se ba se solofeditsweng mo motseng, a re gona le menahune ya gore ga sena go dirwa. A re mo go ka dira gore badira melato ba tlhoke kwa ba ka rekisang teng tse ba di utsuleng, mme go felele go fokotsa borukuthi. Mo dikgannyeng tseo, batsadi ba ne ba fiwa sebaka go tla ka tse ba bonang e le dilabe mo tsamaisong ya go ruta, tse mo go tsone ba supileng fa go tlhoka go itse go bala le go kwala e le mathata a bone, seo se bo se dira gore e ne e kare ba itlhokomolositse tiro ya ngwana. A re thobo e e fetileng e dikile e nametsa e bile a re o dumela fa bontsi bo se kake jwa wela mo isong ka ba na le se ba tla itshetsang ka sone. A re go solofelwa gore motsadi a beye monwana kwa tlase go netefatsa tota gore ke boammaaruri ngwana o dirile tiro e bile motsadi o e bone. Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a re lenaneo la Re A Nyalana le tshwanetse la akgolelwa go tsosolosa serodumo sa malwapa. O ne a kopa baphuthegi gore ba tswelele ka go laletsa le go rotloetsa borre ba bangw e ba kereke eo go tsena diphuthego tsa lekgotla leo gore bat le go abelana maele. A re ba tshwentswe ke gore letsatsi la matsalo a ga Sir Seretse Khama le ntse le sena bokao jo bo kalo. A re sekolo seo se na le baithuti ba le sekete le barutabana ba le masome mararo le boraro mme botlhe ba dirisa sebala makgolo le printer ele nngwe ; selo se a reng se kgoreletsa tiro ya barutabana. E re ka go setse malatsi fela a e seng a sepe gore Botswana a ipelele dingwaga tse di masome matlhano le bobedi a ntse a ipusa, Bangwaketse ba tsweletse sentle ka go baakanyetsa letsatsi la boipuso Lwetse a le masome mararo. Rre Keetile o supile gape fa banni ba motse oo ba dikile ba bone thobo e ntsi ka ntlha ya dipula tse di namagadi tse di neleng. E rile a lekodisa ka MPI, mogolwane wa lekalana leo Rre Ronald Keatshabe a supa fa e le lekalana la tsa dipeeletso le lebaganye le tsa kgwebo ka fa tlase ga lekgotla la BTU, le simolotswe ka 2012. A re o lemogile fa diphologolo bogolo jang ditlou di ganelela mo tseleng eo ka go na le ditlhare tse di di jang. Ba tshosetsa go ngala ditlhopho Kgosi o tshwentswe ke borukutlhi A re selo seo se ba senyetsa bokamoso le gone go ba senya tlhaloganyo tota, mme a re tsela e a bonang e ka thusa ke gore batsadi ba leke go direla bana ba bone gotlhe mo ba ka go kgonang go itsa gore ba ineele borre ba ba tona go ba fa tse ba di tlhokang. O kaile fa ka nako eo ba ne ba rutela bana mo ntlung ya kereke ya E.R.P Unity Church le fa tlase ga ditlhare. Kgosi Radipitse o ne a mo atlhola dithupa tse tharo. Rre Kefentse Magowe mogolwane go tswa kwa lephateng la dipalamo le ipabalelo tseleng fa a bua mo dithuto-puisanong tseo o ne a tlhalosa mo go tseneletseng ka botlhokwa le thulaganyo ya go dira setlankana sa go kgweetsa. Banni ba Qabo bone ba ne ba ngongorega ka tsela ya bone e ba reng e maswe, ka jalo ba kopa gore fa e le gore ga e mo lenaneong la go tshelwa sekontere, bogolo e gopiwe. Fa a otlelela mafoko a ga Rre Seloma, Rre Oliphant Mfa o boletse fa mafoko a a buiwa ele a batho ba batla go ba senya maina ka dikgang tse di senang lepele le morago. Mme Sesinyi a re dingwao dingwe le tsone ga di letlelele batho go inaakanya le sepolotiki mme a tlhagisa fa se, se sa letlelelwe e bile batho ba go nna jalo ba ka tseelwa dikgato. Ntwa e fa pele ga rona e thata e robang dimapo, e tlhoka banna le basadi ba itse botlhokwa jwa go sireletsa se e leng sa bone. Kgwebo e tlhoka lerato le bopelotelele O tsweletse gape a tlhalosa fa lenaneo le sa emisetsa a a ntseng a le teng, mme le a tiisa le go feta. O tlhalositse gape gore ba lebogela lenaneo la ipelegeng mme a kopa mopalamente gore a a ka se ba buelele gore gongwe ipelegeng e ka tsewe ele kgwebo mme ya itirela madi le yone go nale gore b abo ba tlhola ba bereka fela. Rre Goitsemang o ne a kgothatsa batsadi ba motse oo go emela dithuto tsa bana ba bone ka dinao ka go ba rotloetsa go tlhwaafalela dithuto tsa bone ka e le bone babusi ba lefatshe leno ba ka moso ba ba ka le isang kwa pele. Fa a tswa la gagwe, Rre Majaha o supile fa a ne a na le poifo go ka kopa kemo nokeng le dikgakololo mo go bone mme ka ba tlhatswitse ketsaetsego e e ntseng e le teng ba tla tshwaragana go ngokela batlhophi mo phathing eo. O tsweletse a re mogopolo o mongwe o o neng wa tswa e ntse e le go leka go hema kanamo ya bolwetse ke gore go akanyediwa gore go dirwe masimo go bapisa molelwane go dira gore go seka ga nna bonolo gore leruo le tlolele ka kwa lefatsheng le le mabapi la Zimbabwe. Mapodisi a Machaneng a tlhotlhomisa kotsi e diragetseng mo tseleng ya Shakwe, e gapileng matshelo a batho bale babedi ka Mosupologo. Ditlhabololo di saletse kwa morago-Kgosi Bampusi Makgotla a a itshekatsheka E rile a ikuela fa pele ga lekgotla, Rre Seema a tlhalosa fa a na le bana ba le babedi ba a ba tlhokometseng. Mopalamente gape e le tona ya tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu o gakolotse banni ba Maitengwe ka mowa wa go isa Botswana kwa pele go nna setshaba se se atlegileng ka itsholelo e e faphegileng go aga matshelo a a botoka. Baithuti ba ngongoregela seabe sa batsadi A re o dumela fa mogopolo o sena go fetolo tsamaiso ya khansele a tlatsa ka gore phetogo fela ke go fokotsa go balwa ga dipego mo diphutegong tsotlhe. Pego ya re maloko a kgona go adima madi ka morokotso o kwa tlase wa 10 percent, go reka dipeeletso tsa madi 500 pula go ya kwa godimo, mme ba tsenyediwe morokotso ngwaga le ngwaga. O tlhalositse fa ba bone go le maleba gore ba kgobokanye bagodi go lemoga mosola wa bone ka go ba apeela dijo tsa motshegare le go ba fa dimpho tse di akaretsang melora e e tlhapang, a supa fa Modimo a rata setshaba sa gagwe mme le batho ba tshwanetse go supa lorato mo go ba bangwe. O supile fa gape a beile pele Tautona sekole sa Ngware, a bo a supa fa puso e sa letlelele go lema go gasiwa. O boletse fa thuto ya dibuka mo sekoleng e sa lekana ka gore ditiro tsa setso di tshwanetse go bonwa ka matlho, a bo a re dijo le diaparo di supiwe mo ntlong e e agilweng eo. Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Palapye Rre Koti Molefhi o ne a supa fa kgaolo ya legare e na le dikhansele di le supa ka jalo bodiredi jwa lephata la Matimela go tswa mo dikhanseleng tseo bo ne jwa ipopa ba simolola tiro ya go agela ba ba senang bonno matlo. Mapodise a Tutume a tlhotlhomisa polao Fa a bua mo potsolosong le BOPA bosheng, Kgos Retlhatloleng o tlhalositse gore dikgang tsa mofuta o di a tshwenya ka gore batho ba ba nna mmogo ntleng le ditumalano le botsadi mme e re lorato le fela e nne dintwa. Dingwaga tsa kgolegelo di simolola ka bosupa go ya kwa go tse di lesome le botlhano kgotsa modira molato a duedisiwe dikete tse di makgolo matlhano (P500 000) kgotsa sedikadike sa dipula (P1 million), a tswelela. O boletse gape gore setlhopha sa badiredi ba fera bongwe ba taolo ya diphologolo ba ne ba isiwa kwa Matsiloje go simologa ka Tlhakole, go thusa go laola diphologolo. E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti eo, Rre Mogogi Sinombe o tlhalositse fa a dumela fa komiti eo e tla sologela borre ka bontsi molemo ka ba tla kgona go phuthologa fa ba kopane ka bobone. Rre Pagiwa o tsweletse a re letsatsi la boipuso le faphegile ka jaana lefatshe le a bo le gakologelwa le go ipelela tse le di kgonneng morago ga go ipusa ka 1966. O boleletse ba tsena moletlo fa lenaneo la go thusa dikolo le simolotswe ke puso ka ngwaga wa 2012 morago ga go lemoga dikgwetlho tsa letlhoko la madi go tsamaisa dikole. Ka talente ya gagwe ya botaki, monana wa Palapye, Mme Itumeleng Motswetla wa dingwaga tse di lesome le borobabongwe ke mongwe wa bomme ba ba supang fa bomme le bone ba na le bokgoni jwa go dira ditiro tse go tsweng goo- Lowe go tlwaelesegile e le tsa borre. A re banana ba itontela nnotagi ba bo bafelela ba dira dilo tse di duleng mo tseleng, selo se a kaileng se batla kgalemo pele ga lefatshe le wela ka lemena. Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa masimo a Bobonong borwa, Rre Peter Mavona o ne a re tlhokomelo ya masimo ke balemi e kwa tlase ka jalo a supa fa monontshane wa tshimo e le mong wa yone. Mme Sedihe o ne a ikuela mo pusong gore e ba tshologe mokgosi mo meletlong ya mofuta o ka ke yone fela e ka thusang go ikgakolola le go rotloetsa ngwao mo Botswana. Dipula di dirile go swela Banana ba le babedi ba kgotla ya goo Motsokwane kwa Serowe ba itepatepantse le thuo ya dinotshe go rekisa tswina le mamepe a tsone e le tsela e ba e ikgethetseng go tokafatsa matshelo a bone. Kgosi Mmirwa Malema wa Babirwa o tlhalositse fa go dira ditiro tse di faphegileng segolobogolo ya ditlhabololo go bopa setshaba. Banni ba Mokubilo kwa kgaolong ya Boteti ba ngongorega ka tsamaiso ya komiti ya ditlhabololo tsa motse VDC ya go hira batho ba ba jesang babereki ba Ipelegeng le ba ba apeelang bana ba sekole borotho. Rre Dennis a re bana ba motse oo ba ba direlang kwa mafelong a sele ga a amogela molaetsa botlhe jalo a re seo se ne se ka kgoreletsa go dira tiro ka matsetseleko ka jaana le bone ba tshwanelwa ke go tsenya letsogo. O tsweletse fa badira melato ba, ba tsaya dijojo tse di dirisiwang go thusa ka metsi ka nako ya kago ka go sena metsi kwa Disaneng II. Dr Tombale o boletse gore mebaraka e gatelela gore boleng le bophepa jwa nama bo le nosi ga bo a lekana ka nama eo go tshwanetse ga itsiwe ko e tswang teng le gore ko e tswang teng ga se lefelo le le bokabokelwang ke malwetse a a tshwanang le jwa tlhako le molomo. Mogolwane o ne a re dimpho tse di supa fa ruri mabogo dinku a thebana, ka dikhamphani tse di farologanyeng di tsaya karolo mo thutong, kgankgolo e le go tlotlomatsa thuto. E rile a rola tsheko, Kgosi Ramosenyi Radipitse a tlhalosetsa lekgotla fa e rile Phalane a tlhola malatsi a le masome a mabedi le bongwe, Rre Sekwati yo o neng a le kwa morakeng wa Seswe a leletsa Mme Onkemetse Thomas wa dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe gore o tsile go mmolaya. E re ntswa bontsi jwa bagwebi ba babotlana ba sa tlhole ba tsaya maeto a maleele go reka tse ba di tlhokang mo kgwebong, boammaruri jwa kgang ke gore bagwebi bangwe ba supa fa golo gongwe dipoelo di koafala. Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Daniel Kwelagobe yo e neng ele sebui sa letsatsi, o kopile batho ba kgaolo ya Nata/Gweta go tlhopha Rre Majaha mo ditlhophong tse di tlang gonne ke monana yo o ka kgonang go thusa le go tsweledisa maitlamo a phathi. Moithuti yo, o supile fa maduo a bone a ba utlwisitse botlhoko fela thata gonne thuto e le yone konokono mo matshelong a bone, ka jalo a re o leboga thata lephata la thuto mo boemong jwa bana botlhe ba ba buseditsweng go ya go tsweledisa dithuto tsa bone tsa mophato wa botlhano. O ne a gomotsa baithudi, a ba lemotsha fa ba na le batsadi ba ba lorato ba ba tlaa tswelelang ba ba ema nokeng ka dinako tsotlhe, go le monate le go le botlhoko. E re le ntswa e ne ya re mo malobeng bagodi e bo e le bone ba ikamantseng thata le temo-thuo go na le basha, go lebega seo se fetogile ka jaana banana bangwe ba itepatepantse le go ikopela mananeo a puso a temo go tokafatsa matshelo a bone le gone go nna le seabe se se bonalang mo go direleng lefatshe leno dijo. Fa a bua mo letsatsing la go ipapatsa le le neng le rulagantswe ke khansele potlana ya Tutume kwa motseng wa Dukwi ka Labotlhano, Kgosi Mosweu o boletse fa mananeo a nyeletso lehuma ka go farologana a thusitse go aga seriti sa bangwe Batswana gape go na le motlhala wa one lefatshe ka bophara. O ne a bua jalo bosheng kwa motseng wa Lerala kwa banni ba neng ba amogela molelo wa kgolagano. A re e setse e le dingwaga di feta masome a mane mme go ntse go tshwana fela; a tlatsa ka gore ga ba itumelele seo ka le khansele e palelwa ke go ba baakanyetsa tsela e e seng kalo. Are lentswa go le jalo ka nako ya ba simolola temo ba ne bas a boloke madi, ka banka ya bone e ne e le molomo wa bana ba bone ka jalo ba ne ba berekela go jesa bana le go itlamela. BOKHUTLO Mongwe wa barutabana ba pele ba baithaopi , Mme Areta Oats, o ne a tlhalosa fa go gola ga sekole seo e le kgatelo pele bogolo jang ka nako ya bone ba simolotse go ruta bana fela mo legoeleleng kwa metsaneng ya Phepheng le Ntshutela. Ga re eletse go bona motho e le motlhoki kana a tlhokafaletswe ke batsadi ba ba neng ba thusa ka ditlamelo tsa botshelo. Rre Tsogwane a re go utlwisa botlhoko ka gore bangwe ba bana ba latlhegelwa ke batsadi ba sale babotlana, ba sa kgone go itirela sepe, ka jalo ba tlhoka go tshwaraganelwa ke setshaba gore ba gole sentle ba kaelwa tsela e boammaaruri ka lorato. O ne gape a kopa bagolo ba kereke gore ba seka ba tlogela banana kwa morago mo mererong ya lekgotla leo ka jaana go le botlhokwa gore batle go anya megopolo le botlhale mo go bomabutswapele ba kereke batle ba tsweledise go ya pele. A re ba tswa kgakala ba bua ka go nna teng ga ditlankana tsa itshupo. O tsweletse ka go supa fa mathata a borukutlhi mo motseng wa gagwe a tlhokana le gore ba bo ba na le mapodise. A re se se bakwa ke gore megala ya bone fa gongwe ga e tshwarege, gape fa gongwe fa ba tsaya matsapa a go ba latela ba itaya se folletse. A re keletso ya bone ke go tsena le mo dikoleng tse dikgolwane go ruta bana ba basimane. Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke moapalmente yo mosha wa kgaolo ya Serowe Bokone ,Rre Kgotla Autlwetse, Mme Matseka a re ga ka fa tsamaisong gore go ka ruelwa mo motseng ka e bile go nale mafelo a tshwana masimo le meraka a leruo le ka nnang kwa go tsone. Rre Mogaga a re le fa go ntse jalo o batla go tlogela a segile tema ya gagwe. O tlhalositse fa go sena kagiso e e santseng e ka nna teng, e e fetang e lefatshe le, le nang le yone. Mogolwane wa lephata la boagedi kwa Serowe, Mme Derby Kenalemang o supile fa e le lantlha go etelwa ke tona, go tla go utlwa matshwenyego a bone. O tsweletse ka go tlhalosa fa moithaopi wa mokgatlho o, a tshwanetse go nna ba le podi matseba ka dinako tsotlhe. Mopalamente Makgalemele o lebogile batho ba kgaolo ya gagwe go bo ba lemile mme a kopa barapedi go tswelela ba rapelela dipula gonne dithapelo tsa ngogola di dikile di dirile go swela mme Batswana ba bona go lema mo go neng ga nyeletsa leuba. Fa e sale khansele eo e simolola ka Mosupologo, Seetebosigo a tlhola malatsi a le marataro, makhanselara a a kgatlhanong le modulasetilo a ile a leka ka bojotlhe go mo ntsha mo setilong. A re go belaesega dipodi tseo di ne di rwele manyena, ka ba fitlhetse di gagotswe ditsebe le matshwao. Kgosi gape o buile fa go supagala fa botlhoka tsebe jwa bana bo ile magoletsa ka jalo a kopa morafe go kgalemela bana ba bone nako e sale teng e seng jalo batla a thanya le le tsebeng. O ne a thethebatsa bagolo dipelo ka go tlhalosa fa lekalana leo le tsamaisiwa e bile le kwadisitswe ka fa molaong, ka melawana ya tlhokomelo le tiriso ya madi ya NBIFIRA mme gape ba le ka fa tlase ga lekalana le tlhokomelo madi a dipeeletso, dithoto le diphitlho ( O ne a kopa maloko go rurifatsa boloko e sere gongwe ba iphithela ba le mo mathateng ka nako e ba tlhokang thuso, segolo jang ka nako ya dintsho. Mabogo dinku a a thebana - mogolwane Mowa boipelego konokono Rre Mogobe o bile a kopa kgosana gore a nne a etela makgotla a mangwe go ya go tsaya malebela. Gompieno re fa, re lebile gore Childline e dira tiro e ntle ya go re tlhokomelela bana ba ba mo letlhokong le legolo, ga bua Rre Molale. O ne a supa fa puso e ntse e emelane le go tlhabolola ka fa kgomo e ka rurifadiwang ka teng. Rre Malei a re go a itumedisa go bona monongwaga go nnile le metseletsele ya ditiragalo go tlhagolela moletlo oo tsela. Kgosi Botshelo Lekgothu wa Ghanzi o ne a tlhalosa fa letsholo la Monna tia le gwetlha borre gore ba tie mo maikutlong go ikgapha mo kgokgontshong. O kgadile Batswana bangwe ba a reng morago ga go lemelwa ba tlogela masimo a le nosi ba re ga ba a senyegelwa ke sepe mo temong eo. Fa a rola pego, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Bobonong Bophirima, Rre Boitumelo Kgosietsile, a tlhalosa fa komiti e dirile go le gontsi go tlhabolola kgaolo. Mme Keaketswe o rotloeditse bomme ba kereke eo go nna sekao mo baneng ba bone ka go tshegetsa matshelo a bone le malapa a bone ka tumelo ka e le botlhokwa mo go ageng motho. O tsweletse a re tse di oleng di akaretsa Gotlhajwang (Pty) Ltd poultry, Tease Brick Moulding le Kanatla Forestry fa Morakana Matheaphiri Smallstock le Bammogo Investment Smallstock tsone di tla a simolodisiwa. Ba ba tsereng B, ba neetswe makgolo a mararo a dipula. Moeteledipele wa mokgatlho wa bomme ba kereke eo mmaetsho Susan Williams o boletse fa maikemisetso a mokgatlho wa bone ele go lwantsha kgokgontsho ya bomme le bana mo malwapeng, tlhakanelo dikobo le bana ba ba dingwaga di kwa tlase ga lesome le borataro, go ngokela banana mo dikerekeng le go rutela basadi ba lefatshe leno ditiro tse ba ka itshetsang ka tsone gona le go ikaega ka borre. O boletse fa kago e ba tsere dibeke tse tharo fela. O ne a tlhalosa fa menontshane ya sekgoa e tshelwa fa fatshe ka go e gasa go ka dira gore dijalo di seka tsa e tsaya sentle. Tautona o akgoletswe kago ya diofisi go tsena P250. O ne a tswelelea a tlhalosa gore go maleba gore baeteledipele ba Ipelegeng ba tlhophiwe kwa dikgaolong gore ba kgone go bereka le batho ba ba ba itseng. Mananeo a nyeletso lehuma ga a tsamae sentle Mothusa Kgosi wa Palapye, Kgosi Michael Maforaga o kopile banni ba Palapye go tswa ka megopolo e e ka tlhabololang motse le go aga bana. Mashi le one o kaile fa a ka remisiwa a dira di cheese, mashi a boupi, dichokolete le dino tsididi le go ka dirisiwa e le metswako mo dijong tsotlhe tsa menate tse motho a ka di akanyang. Mokhanselara wa kgaolwana ya Letlhakeng Bokone Mme Stella Segwagwa o gakolotse ka botlhokwa jwa go tlotla le go fa kgosi Kgari Sechele III tlotla e e mo lebanyeng mo diphuthegong tsa kgaolo le tsa khansele. A re kago ya leobo le e tshwanetse e kabo e simolotse go agwa ngogola, ka jalo a tlhalosa fa go na le dingwe tse di diileng tiro. A re sengwe gape se se sa ba jeseng diwelang ke mokhanselara wa kgaolo ya bone yo o tlhabololang motse wa Malolwane a tlogela wa bone. Se, se tla morago ga leso lwa ga Kgosi Edwin Letlhare, yo o tlhokafdetseng ngogola. Thulaganyo e ya gore badiri ba ofisi ya ga Tautona ba nne ba ipha nako ba thusa setshaba, tona a re o bona e le botlhokwa thata ka gore tebelopele ya lefatshe la Botswana ya re re nne tshaba e e kutlwelobotlhoko. Dr Venson-Moitoi a re batsadi ba tlogele go senya bana ka go ipolelela gore ba a ba rata. A re go supagetse fa terata ya molelwane e kgaolwa ke batho e seng leruo, mme e re morago diruiwa di felele di tlolela ka kwa Zimbabwe. O ile gape a re dituelo tsa bone di saletse morago ka jalo di tlhoka go sekasekwa. Le fa go ntse jalo, o supile gore go ne go se sepe se se belaetsang ka nako e a neng a emetse go tlhopha. Bobirwa ke lengwe la dikgaolo tse di humileng matlotlo a tlholego le bojanala. O kaile fa leruo le sa dire tshenyo fela mme le leswefatsa le tikologo ya motse. Mokhanselara wa kgaolo ya Ngware Rre Ontatlhole Selatlho o supile a tshwenngwa ke gore go tsaya lobaka gore kompone ya Water Utilities e tsibogele tlhaelo ya metsi le go begela dipompo tse di senyegileng mo kgaolong ya gwagwe. A re go botlhokwa gore ba ne ba kopana e le baeteledipele ba setshaba go ngunanguna ka dikgang tsa kgaolo ya bone eseng fela ka nako ya diphuthego tsa matona a puso. Botshelo bo fetogile Fa a ntsha la gagwe, Kgosana Ramatlhakwana o ne a leboga Barokologadi go bo ba bone go tshwanela gore ba tlhome ene mo setilong. Fa a bua mo potsolosong le BOPA, Rre Thokwane o tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya gagwe ngogola morago ga go tlogela tiro. A re maikalelo a puso ke go batla tharabololo ka metsi aa fetang mo gare motse oo. Rre Motshegwa o boletse fa go kokoanya ga madi a leobo go tsweletswe e bile morafe o itlamile go kokoanya P2 million yo o tlaa dirisiwang mo moketeng wa pulo semmuso ya leobo le. E rile a ema babereki ka lefoko kwa moletlong oo, mokwaledi wa lephata leo, Rre Kago Ramokate a lebogela kgaolo eo go dira sentle. E rile a akgela, mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse, Mme Kolobetso Sejakgomo a re ba tsere tshwetso ya gore ba tswele kwa setshabeng gore ba kopane le morafe go ba atumeletsa ditirelo le gone gore ba itse bodiredi jwa maphata. E re go ntse jalo o supile fa batsadi ba setse ba le maoto a tshupa go bua le ba botsogo ka go atologanya bana. Fa a tlhalosa ka botlhokwa jwa ditso tse di neng di dirisiwa ke batho ba bogologolo tse di mo kgaolong ya bone, mogolwane go tswa kwa ofising ya motlobo wa ditso, Rre Phillip Segadika o supile fa maikaelelo magolo a lekoko la gagwe e le go senola le go sedimosetsa setshaba ka matlapa a a neng a dirisiwa mo ngwageng tse di dikete tse pedi tse di fetileng mo kgaolong eo. O kaile gore kgwetlho e tona e a kopanang le yone ke gore dinotshi tsa gagwe di longwa ke ntshi e e di bolayang le gone go falala, go bo go re a senke tse dingwe. O supile fa gape ba tlaa itebaganya le mathata a dipilisi tse di tlhaelang. Ba supile fa ba tsamaya sekgala se se leele go ya go berekela Ipelegeng kwa Mogonono. A re fa molemi a lemile tsa leruo, puso e duela sephatlo sa ditshenyegelo fela. A re ngwana o tshwaraganelwa ke batsadi le barutabana. Mme Lorekang a re ba dumela gore bogogi jwa motse bo tlaa ba thusa go gasa molaetsa wa go itlhokomela. A re ka P100 000 yoo, o ne a reka kharabene e e apeelang, didirisiwa tsa kapei ga mmogo le koloi e e gogang kharabene. Go buile jalo mookamedi wa Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) Rre Thabo Thamane kwa moletlong wa kabo-dimpho kwa sekoleng se sebotlana sa Rachele kwa Kanye ka Labotlhano. O supile fa go tlhokega go gagamatsa dirukhutlhi tsa melato ya leruo ka bogodu bo ile magoletsa mo kgaolong eo. O boletse fa ba tsweletse ka go lebelela seemo e bile ba se ipaakanyeditse. Mo motshamekong wa kgwele ya dinao, bommampodi ba kgaisano ya Domboshaba, e nnile setlhopha sa Nswazwi, se longwa serota ke sa Vukwi, fa ditlhopha tsa Tumediso go tswa Matshelagabedi le sa Nshakashogwe tsone di dule ka maemo a boraro le bone ka go latelelana ga tsone. O boletse fa bogologolo dikgosi di ne di rotloetsa morafe go lema dijo. Ba ba bonyeng dikgobalo tse di potlana ke basimane ba babedi, ebile mo nakong ya gompieno ba a sidilega. Mme Koobonye a re ka palo ba ne bale bantsinyana mme bangwe ba tloga batswa mo mokgatlhong ka mabaka a dikgwetlho tsa botshelo. Go lekola ngwana ke thotloetso A re ka madi ao ke go ba tiisa moko gore ba itse fa bojanala bo na le dipoelo. Mogolwane mo lephateng la dikgang tse di amang bong Mme Rachel Loeto o boletse fa gole botlhokwa gore batho ba itse ka dikgang tsa bong le gore molao wa reng ka tsone. A re fa bangwe ba santse ba boifa gore bone bakgokgontsi ba bone fa ba ka utlwa gore ba ikuetse ba tla tsaa dikgato tse di duleng mo tseleng di akaretsa go ba gobatsa kgotsa gone go ba gapela botshelo. A re ngwana o tshwanetse go fiwa boikarabelo le nako mme fa a paletswe ke seelo se se beilweng, o otlhaiwa ka thupa. E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Molefhi a supa fa tlhaelo ya melemo mo dikokelong e ne e bakwa ke gore ba ba neng ba neetswe boikarabelo jwa go rekela puso melemo ba ne ba sa dirisane le barekisi ba melemo ka fa go neng go dumalanwe ka teng, ka jalo dikompone tsa melemo di ne tsa emisa tirisano mmogo eo. A re ba dirisa dibi tsa dikgomo ka mogote wa teng o di siametse go na le dikgong tse di mogote o montsi e bile o feletsa o di thuba. O kopile madirelo ka go farologana go rotloetsa dikgwebo tsa bone. Mogokgo wa sekole se segolwane sa Moeng College, Rre Abram Thapedi, a re ga a itumedisiwe ke maitshwaro a bana ba sekole sa gagwe. Mo go tse dingwe Kgosi Mokgatla o boletse fa bangwe banana ba tsweletse ka go tlhorontsha kwa merakeng ka go utswa leruo, a re le fa banana bao ba otlhaiwa ba boa ba dira molato o gape. Le fa go ntse jalo a re, kgaolo ya gagwe e nnile lesego go bo puso e rebotse gore mo go tsone tse di le lesome le bone tse di tlaa dirwang, ditsela di le pedi di wela mo kgaolong ya Thamaga-Kumakwane. O tsweletse ka go kgothatsa dikgosi gore di leke ka thata go kotela batho gore ba se ka ba latlha dingwao tsa bone. A re puso e tshwenngwa ke gore e ipeetse seemo sa go bo e nyeleditse lehuma la nta ya tlhogo mo Batswaneng botlhe ba ba kobo dikhutswane ka ngwaga wa 2017, mme potso ele gore a kgaolo ya mokwena e tlaa kgona go fitlhelela seelo se se beilweng. O lebogile le ba mogolwane wa poso ya Gumare, Rre Dumane Philime, go bo a amogetse kopo ya baoki, go dirisa lefelo la poso go tsiseditse bagodi dijo, a re le gone go supa tshwaragano mmogo ya babereki mo motseng wa Gumare. Mopalamente o kopile dikgosi go nna di ntse diba gakololola ele mapalamente le makhanselara mogo tse di tlhokegang go dirwa mo motseng. O ne a tlhalosa fa go ne gosena madi a a neng a seegetswe kwa thoko e le a leobo mme madi otlhe a a neng aaga leobo leo a a tshwarang P167 793 a ne a tswa mo badiring ba lephata la gagweka ba ne ba na le maikaelelo a go direla banni ba motse wa Manaledi. O boletse fa setopo seo se nyerile mme go supega fa ele sa motho senna, a ka tswa a le fa gare ga dingwaga tse masome a mabedi go ya kwa go masome mararo. Dikgang tsa bogosi di a tshwenya - Sekai Rre Kalantle are maikaelelo a lenaneo leo ke go fa Batswana sebaka sa go itlhotlhora manonokonko a lehuma. Ba boletse fa jaanong ba tla tshwana le ba metse e mengwe e nang le ditsela tsa sekonotere. Fa a ntsha lefoko la kgothatso mo boemong jwa ba lelwapa, Rre Cornelius Ramatlhakwana o tlhaloseditse Kgosana Ramatlhakwana fa boeteledipele e le selo se sekgatlhang, a mo kopa go etelela morafe wa gagwe motlhofo, go bopa maikarabelo a bone gammogo le go ba akaretsa mo tshwetsong nngwe le nngwe e a e tsayang. E rile a amogela ba tsenelela bokopano mothusa Kgosikgolo ya Batawana Rre Bringle Dithapo a re go botlhokwa go tokafatsa maduo.BOKHUTLO O rotloeditse Rre Phuthego go tswelela a godisa mowa wa tshwaragano o o renang mo Botswana. Kopo e e dirilwe ke modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha kwa Tati, Rre Kgotlaetsho Morakanyane, yo e leng modulasetilo wa lekoko leo, fa ba ne ba rolela morafe wa Letlhakane mabaka a thomo ya bone ka Labobedi. O boletse fa Tautona a bone fa lefathse leno le tlaa fekeediwa ke leuba mme a laola gore monongwaga batho ba thusiwe mo phokoletsong ya tsa temo-thuo le tse dingwe go thusa Batswana mo manokonokong a leuba. Mokgatlho o, o okametse gape le metse wa Nshakashogwe le Marobela O buile jaana kwa phuthegong kwa kgotleng kgolo ya ga Mmangwato fa ba BMC ba ne ba tsile go lekodisa barui ka lenyalo la bone le banka ya ABC kwa Serowe bosheng. Mme Rantatana a re lerato la kgwebo le patagane le go dira ka diatla, ke tsone tse di mo gwetlhileng go simolodisa kgwebo e, a tlatsa ka gore o rata segolo bogolo go kwala dikipara ka go mo fa monyetla wa go tshameka ka mebala le go itshupa bothakga. A re lebala leo le na le dingwaga le beilwe semmuso mme go sena ditlhabololo dipe tse di dirilweng kwa go lone. A re bomme banne kwa pele mo tirong ba nne le tirisano mmogo gore ba tswe ka maduo a bonalang kwa bofelong Mookamela mapodisi a kgaolo ya bokone mme Dinah Marathe ene o ne a rotloetsa mapodisi bogolo jang bo mme go dira tiro ya bone ka botswapelo, a re ba ikopanye ka go dira tomagano. Superintendent Maniki o boletse se mo potsolotsong le BOPA, a tlhalosa fa monna yoo a ne a na le selalome se sengwe se se neng sa ba tswa ka diphatlha tsa monwana. Mme Makgato a re fa e le gore go na le bangwe ba ba bipang mpa ka mabele mo dikgannyeng tsa bogodu jwa leruo, ba itse gore tshenyego ke ya motse wa bone mongwe le mongwe wa amega ka gore nako nngwe go ya go senyediwa ene. A re maikaelelo a lenaneo leo a tlaa fokotsa dikgotlhang tsa boswa mo malwapeng. O kaile fa ba tlhoka P30 000 go reka batshameki mogodimo ga moo ba tlhoka le one madi a go reka didirisiwa tsa ikatiso. A re le ntswa a kwataboloditse mo go rraagwe, o ntse o tsweletse ka go kopa thuso mo bagakeng ba balemi ba merogo jaaka Rre Andrew Ncube wa Shashemoke. A re fa motsadi a otlhaya ngwana ka go mmetsa ga a kake a tshwarwa, ka o a bo a mo tsenya mo tseleng. Mmuso wa re le fa dipuisanyo tsa dituelo tsa bodirelapuso di santse tse di tsweletse, se ga se a tshwanela go lomeletsa badirelapuso ba eseng maloko a makgotla a babereki kgotsa ba maemo a bone a sa ba letleng go nna mo makgotleng a. A re botlhokatsebe bo fokotsegile kwa Moshupa ka jaana batsadi, barutabana le ba bogosi ba bereka mmogo go alafa bolwetsi jwa botlhokatsebe ka thupa. O supile fa mo ditlhophong tse di tlang go tlhopha go dirilwe motlhofo ka go tlhomaganya maina ka ditlhaka go na le ka dinomoro jaaka go ne go diragala pele. O ne a kopa batabogi go ikgapha mo ditirong tse di ka ba kgoreletsang go supa botswerere jwa bone, mme gape tsa senya le matshelo a bone. Mme Ramosoka o gakolotse bomme gore ba lese go robala ka ditlhaloganyo le matsogo ka jaana madi a ka dirwa ka ditsela tsotlhe go leka go itshetsa. A re puso e tshwentswe ke bomaipaafela, ke ka moo go ntshitsweng lekoko le go tla go batlisisa ka dikgang tsa mofuta o, a tlatsa ka gore morafe ke one matlho a dikgosi, ka jalo a re ke bone ba ka thusang gore ditshekatsheko tse di atlege. O ne a tlhalosa gore mo nakong eno ya letlhoko la madi, maikaelelo a puso e ne e le go nama ba okeditse kokelo ee leng teng gore e fe ditirelo tse di batileng go tshwana le tsa sepatela, mme a re se ga sena go itsa go agiwa ga sepatela se se akantsweng motlhang madi a bonalang. Fa a latlhela la gagwe, Kgosi Letsebe Mpete o tlhalositse fa Major Ramatlhakwana a tsena mo thulaganyong e e bokete ya bogosi. Molaodi wa kgaolo ya Kgalagadi, Rre Patson Dibotelo fa a akgwa kgosi dikgaba, o ne a supa fa ba tlaa sekaseka le go buisana le ba ba lebaneng ka kopo ya gagwe ya tsela. Kwa Kuke banni ba ne ba lela ka tlhaelo ya metsi. Modulasetilo wa lephata la kabo ditsha mo kgaolong potlana ya Shakawe Mme Kukumbera Morotse o kopile banni ba motse oo go kwadisa ditsha tsa bone go thusa go rarabolola dikgotlhang tsa lefatshe le gore setsha sengwe le sengwe se tle se fiwe nomoro. A re mo motseng wa Sebina kgokgontsho e bomme ba le bantsi ba kopanang le yone ke ya dikiteo fa borre bone ba itemogela ya kgobero maikutlo e ka tswa e le ditlhapa go tswa mo bakapelong ba bone kgotsa dipuo dipe fela tse di sa jeseng pelo monate. Mo ngwageng o tlang, lekgotla leo le tla tsaya loeto go ralala lefatshe leno le buisanya le banana ba dikole tse dikgolwane go ba ruta ka tlhopho. A re sebe sa phiri ke gore palo ya motse wa bone e nnye, mme ba batla gore ba nne le mokhanselara wa bone gore kgaolo ya bone e tle e sekegelwe tsebe. Rre Oats o ne a kopa baithuti go tsaya malebela mo go ene ka go bereka ka natla, ka dinako tsotlhe go nna le ponelopele go sa kgathalesege gore ba kopana le dikgwetlho tse di ntseng jang, a kaya fa go le botlhokwa ka go busetsa maduo a a molemo le gore mongwe le mongwe o ja mofufutso wa phatla ya gagwe. O tsweletse ka go tlhalosa fa seemo se sengwe se se tshwenyang e le sa basha ba ba iphitisang dino mme morago ba dire ditiro tse di segang tsebe ka ba kgona go robala mo ditseleng le go lwantsha ba bangwe. Ofisi yame ke gone mo lwapeng le lame ngwanake, ke bua Sesarwa se se kwa teng, le fa Basarwa ba metse ya bo Khwee, Malatswae, Mmea le Xere ba bua puo e le nngwe mme e farologana fale le fale nna ke kgona go ba ranolela botlhe, a latlhela. O kopile borre go fetola boitshwaro jwa bone mo go kgokgontsheng bomme le bana. O tsweletse a re, go nale bana ba ba kgoreletswang go ithuta ke seemo sa malwapa a ba nnang mo go one ,a tlatsa ka gore, le mewa e go tweng ke ya ga saatane e e jweleletseng mo baneng, e tshwanetse ya rarabololwa ka go fa baruti sebaka sa go rapela gangwe le gape kwa dikoleng. Botaki ke nngwe ya ditiro tsa diatla tse go tlwaelesegileng e le tsa borre. Rre Majaha o ba tshepisitse fa a tla tswelela ka go emela dikeletso tsa bone le go tsweledisa ditlhabololo tsa kgaolo ka jalo a kopa maloko go tlhokomela dikarata tsa bone tsa Omang le ya ikwadiso ditlhopho gore ba kgone go latlhela tlhopho ya bone ka Phalane. A re ba nale dikgang tse di senang ditharabololo le ba matlhabelo a Botswana Meat Commission ka jaana ba ja dikgomo tsa bone sesolo ka ditlhotlhwa tse di kwa tlase. Badiri ba matlhabelo ba kaile fa le bone ba monetse marulana pele ka go iphapa le go obamela dikgakololo tsotlhe, mme ba bolela fa sebe sa phiri e le gore tiro ya bone e ba patika go bereka ba atumalane thata. Rre Bolepya o akgotse batsadi go jwala mowa wa go itirela mo baneng le go tlhoafalela temo ka jaana temo thuo e le mokwatla wa itsholelo ya lefatshe leno. Kgosi Malope II wa Bangwaketse o kopile makhanselara a kgaolo ya Borwa go tsena diphuthego tsa kgotla fa a di biditse. A re dilo di tshwana le dintwa, matlhapa le dikomano ga di a tshwanela go dirwa fa pele ga bana kwa malwapeng, ka se se ka ama maikutlo a bone, mo go ka felelang go dira gore ba seka ba ithuta sentle. Dibui ka go farologana kwa thapelong eo, ba ne ba supa fa ba tshwentswe bogolo jang ke dikotsi tsa tsela e e tswang Lobatse go ya Ramatlabama, ga mmogo le borukutlhi jo bo dirwang bogolo jang ke banana ba gantsi o fitlhelang ba itshietse bojalwa. O tsweletse ka go supa fa le dipula tse dintsi di ka rotloetsa go ntsifala ga setlhare se. Dikgosana di tlaa atswiwa Nna ke ne ke di itheketse fela go lema ke jela mo ganong le go kgabisa lelwapa, mme ka lemoga fa nka oba letsogo ka batho ka bontsi bogolo jang bomme ba ne ba di kgatlhegela. Mogwebi yo mongwe, Mme Constance Matenge, yo ene a itshetsang ka go lema le go rekisa ditlhare, le ene o ne a supa fa palo e e kwa tlase ya morafe wa motse wa Mambo e ama kgwebo ya gagwe. A re matlapa a ne a dirisiwa ditiro tse di botlhokwa jaaka go bua diphologolo le go suga matlalo . Inspector Gaborone o tlhalositse fa monna yo o a thudilwe ke koloi ya modiro wa Toyota Hilux e e neng e tswa kwa Tsabong go ya Werda jaaka a ne a leka go kgabaganya tsela mo gare ga motse kwa Makopong. A re go tshwaraganela thuto ya bana ke bana-le seabe botlhe go botlhokwa thata ka go tsisa maduo a a nametsang mo dikoleng, mme a kopa baithuti le bone go ikanya thuto le go dira ka natla go ipetlela botshelo jo ba ka sekeng ba bo amogwe ke ope. Kgothatso eo e dirilwe ke moeteledipele wa kereke eo Arch Bishop Tshenolo Mautle kwa pulong semmuso ya kereke eo kwa Mabutsane ka mafelo a beke. O buile jaana kwa Khawa mo letsatsing la go isa ditlamelo kwa setshabeng ke maphata a puso go tswa mo Kgalagadi Borwa le le neng le rulagantswe ke ba ofisi ya ga molaodi ka Labotlhano. Kgang kgolo ya baikopedi e ne e le gore a go sekasekiwe gore mealo eo e a tlhabololwa ka e setse e siilwe ke nako le gore go sekasekwe gore fa motho a ne a setse a amogetswe, go bo go fitlhwela a setse a ne a agile a thusiwe go tokafatsa bonno go na le gore a simolole go kopa sesha. A re mo nakong ya gompieno ba tsweletse ka ditiro tse di farologanyeng go leka go kgobokanya madi a a tlaa tlhabololang lebala leo. Kgosi Thwane o ne a gwetlha makalana a puso le a a ikemetseng go leka go rotloetsa bana go tsaya thuto ka tlhoafalo ka e le tsone di ka ba thusang mo isagong. O boletse fa ba thapa barutabana le go fa bana bao dijo e le tsela ya go imolola batsadi morwalo. Le fa gontse jalo, mopalamente Kesupile o boletse fa go santse go nale mathata a tlhaelo ya metsi le motlakase. A re Mmathubudukwane le metse e e mabapi e gatetse pele mo lenaneong la Nyeletso Lehuma mme se se tshwanetse sa iteelwa legofi. Le supile gore le na le tebelopele. O boletse gape gore maikaelelo a bone ke go tla go kwadisa batho ba ba senang dipasa, Omang le sesupo sa boagedi gore ba bone tsela e ba ka ba thusang ka yone. Mokhanselara wa Seole Rre Obed Monkge ene o ne a gwetlha bogogi go potlakela gore dituelo tsa babereki bao di okediwe go itepatepanya le go gola ga ditlhwatlhwa. Rre Philip Wright le ene o ne a iteela kobo moroko a supa fa tshwaragano le neelano e ka isa kgaolo ya bone kwa mankalekaleng. Rre Kgwefane o rotloeditse batsadi go ema ka dinao le go tsaya karolo mo thutong ya bana ba bone. Batswana ba rotloediwa go duela metsi Mogolwane wa theko le thekiso ya kgomo kwa Botswana Meat Commission (BMC), Rre Kenneth Makubate a re karata e e fiwang barui gore ba duelelwe mo go yone e tlaa thusa thata mo go fefoseng dituelo le gone go fokoletsa barui ditshenyegelo go bona dituelo tsa leruo le ba le rekisetsang matlhabelo a bone. Mme Mokobela o ne a rotloetsa batsadi go nna ba lebelela dibuka tsa bana fa ba tswa sekoleng go bona gore ba dira jang mo dithutong. A re ke maikaelelo a khansele go thusa go bapatsa bao ba ba thusitsweng ka nako ya letsatsi la baji bareki le la ipapatso ka ba kgona go rekisa di tsa bone. Thulaganyo ya peo ya Kgosi wa Talaojane, e nna jaana morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Matho Talaojane ngogola, yo e leng rraagwe Rre Oitsile Matho. Bokopano joo ene e le jwa boraro fa e sale kereke eo e simolodisa lekgotla la borre dingwaga tse tharo tse di fetileng. Rre Simako Tsele ene o kopa tokafatsa ya difomo tsa ikopelo mananeo a tshwana le a banana. A re ke boitumelo jo bogolo go bona baeteledipele ba dikereke le balatedi ba diphuthego tsa bone ba tsweletse ka go thusana le mmuso go tlhokomela bagodi ka ele bone ba ba tlhodileng e bile ba diretse lefatshe leno ditlhabololo dile mmalwa faesale lefatshe leno le tsaya ipuso mo go Mmamosadinyana. Modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse VDC ya motse oo rre Thomas Maphane one a rolela mopalamente matshwenyego le maiteko a bone ,a supa fa badirelapuso baba nang mo matlong a bone basa duele. O supile fa mokgwa o, o ka tlhofofatsa tiro ya balemi ka ba ka kgona go fokotsa go ja ga motlhwa mo masimong a bone, a gatelela fa molaletsa o dira gore batho ba nne le mowa wa bojammogo. E rile mopalamente Rre Mabiletsa a araba banni ba motse oo, a supa fa a itse sentle ka seemo sa motse wa bone mme a kopa gore ba lemoge fa ditlhabololo tsa lefatshe la Botswana di bereka ka thulaganyo ya lenaneo la ditlhabololo. Lefa gone go na le mathata, mme Jane o solofela gore e tlaa re nako nngwe a bo a na le madirelo a a duleng diatla. Mme Mosala o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mmino wa Polka e le mmino oo simologileng go tsena dikgaisano tsa malatsi a ga tautona go simologa ka ngwaga 2011 ka ditlhopha di le nne fela mo kgaolong ya Kgalagadi. Rre Lesedi a re le fa go ntse jalo, go bua go le nosi ga go a lekana mme bana ba tlhokana le botsipa kgotsa bokgoni le kgothatso ya go tsaya ditshwetso tse di siameng. O gateletse gore, e re le ntswa a lebanwe ke dikgwetlho, go motlhofo go bona didirisiwa tsotlhe tse di tlhokang go dira dithoto tsa gagwe. Motlhala wa komiti o a bonala Kgokgontsho ya bong e gaketse O boletse fa puso e remeletse thata mo go tokafatseng mananeo a a itebagantseng le go tokafatsa botshelo, a tshwana le la Ipelegeng. A re o solofela fa borre ba tla emisa go tsaa ditshwetso tse di sokameng fa ba nale mathata, a supa fa go ipeela mathata mo pelong go sa siama ka go ama le jone botsogo jwa motho mme e bile gape go ka baka le tsone dipolaano tsa baratani. Mme Phindela o ne le ene a supa fa dikolotsana tseo di tlaa seke di thuse fela baamogedi ba tsone. Rre Kebafitlhetse o kaile fa go le botlhokwa gore batsadi ba tsee thuto ya bana tsia ka gore seo se ka rotloetsa bana le bone go e tsaya ka tlhoafalo. A re go na le le go tlhoka go tiisa mo tirong kwa dikgaolong mme a ba rotloetsa go dira lenaneo la go tokafatsa maduo. O bile a tlhalosetsa fa babereki e le bone ba lemogileng molelo oo fa ba ntse ba dikologa le lehuti. One a supa fa a setse a nnile le bokopano le bagokgo ba dikolo go bona gore matsapa dia tsaya kae maduo mo dikolong ale ko tlase jalo a santse a tsweletse le dipuisano tse a tshwaragnye le dikgosi. E re ntswa diphetogo di le kalo kalo, re tshwanetse go bona go re ga re tsewe ke phefo, jaaka Setswana se buwa, mala a gamolelwa mo sesaneng, mme ke dumela gore Ntlo ya Dikgosi e ka batla sesana seo se re ka bofelelang mala a bokamoso jwa setshaba mo go sone. Dr Kedikilwe a re Tautona o ne a ntsha lekoko le le neng le eteletswe pele ke modulsetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Puso le le ntshitseng megopolo ya seemo sa matshelo a Batswana, a tshwana le boitshwaro, setho le botho. O ba gwetlhile go ema ka dinao go fetola seemo ba bo ba boela mo maemong a bone a go lere kagiso mo matshelong a ba ba tshelang le bone. Fa a bua ka maikaelelo a Dikgafela, Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa a re go botlhokwa go ipelela dikgafela ka di supa konokono ya botshelo jwa Motswana ebong temo-thuo le go ja mohuhutso wa phatla. Rre Ramolelekwane a re go lemoga seo, o ne a bona fa lenaneo leo le le bogadi bo gaufi mo go ntsheng le go tokafatsa maduo, ka le epolola bokgoni botlhale le botswerere jo moithuti a nang le jone. Ba supile fa ba batla sekole se ba saleng ba se solofetswa se segolwane kwa Ngware. Mme Segopa o ne a lebogela bogogi jwa kgaolo bo akaretsa ofisi ya ga molaodi, ba botsogo le ba sepodise go dira ka boineelo go bona gore seemo se nna mo taolong go sena makgwere. E re dikgang di eme jalo, Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi erile ka Labobedi a bolela fa go tlaa nna le seemo sa tshoganetso mo lefatsheng leno, ele tsela nngwe ya go lwantsha COVID-19. O tlhalositse gore fa a re manyalo a tla a tswalelwa ga a reye gore beng ba manyalo ga ba kake ba keteka ditseo tsa bone tse di setseng di pegilwe. O ne a re kereke eo e supile gore e tlotla bagolo thata a gatelela seo ka mafoko a a mo Baebeleng a a reng bana ba tshwanetse go tlotla batsadi. Ntebele ke go lebele o mosola Rre Mautle a re go balwa gaditalama le thomamiso ya tsone go tsere lebaka le le leele, batlhophi ba kgaoloeo ba ne ba tletse ka boitumelo, ba opela ba letetse maduo kwa ntle ga terataya kwa go neng go balelwa ditalama teng bosigo jothe le letsatsi le lelatelang. A re o ile a tlolwa ke pelo bosheng fa a di fitlhela mo tshimong ya gagwe mme a felela a itseela molao mo diatleng a thuntsha tse pedi. Rre Kgonkane o lebogile go menagane ba ofisi ya Omang le kwadiso matsalo le dintsho tswa Letlhakeng ka go tsamaya mo kgaolong ba kwadisetsa batho Omang le go rutuntsha setshaba ka ditlamelo tsa ofisi ya bone. Ba ikuetse mo go mothusa tona gore badirelapuso ba rotloediwe go reka dithoto tsa bagwebi ba mo gae le go ba neela dithendara. A re ba diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2016 la setshaba se se lerato e bile se le kutlwelobotlhoko. O rotloeditse batho go itisa kgatlhanong le bolwetse jwa Malaria jo bo ka nnang jwa tlhagoga ntateng ya dipula tse di gosomaneng mme tsa tlhogisa bojang jo bontsi mo kgaolong. A re bana bao ba ne ba tlhalosa fa ba sa kgone go ya sekolong ka ba sena ditlamelo tse di akaretsang dijo le paka ya sekolo, mme ba ya go ba kopa semmuso ka thuso ya bo mmaboipelego. Makalana a a ka fa tlase ga lephata la papadi le madirelo a tsere matsapa a isetsa ba-na-le bogole ditlamelo e le tsela ya go ba kgothatsa go tsena mo dikgwebong. O tsweletse a tlhalosa fa a ile a dira kopo ya go fudugela kwa masimo kwa a teng mo nako eno go tsweledisa temo ya gagwe teng ka ana le sediba se a ka pompang metsi mogo sone mme a atlega mme a simolola go jwala ditamati a kgona go di nosetsa sentle. Lephata la botsogo le kopile puso gore le ipaakanyetse dikoloi tsa lone go lwantsha seemo sa letlhoko la dipalamo. Mosekisiwa o ipone molato fa pele ga lekgotla mme ya re go lebilwe go atlholwa, moikuedi Mme Thomas a kopa gore kgang e tshololwe ka e setse e builwe ke botsadi. Rre Molefhi o ne a supa fa mmaraka wa thekiso ya ditlhapi o le kwa godimo ka le ba bongaka ba supile fa nama ya yone e siametse botsogo jwa motho ka e sena mahura a mantsi. Rre Ramotsababa o kaile fa ba na le kgwetlho ya letlhoko la metsi mo sekoleng seo e le kgwetlho, ka ebile ba kgona go tlhoka le yone thothi e e ka apeelang bana kana gore ba ka tlhapa. Mme Boingotlo a re ene ka a ne a na le lorato le go nna pelotelele a seka a ipona tsapa mme a tsweledisa kgwebo e, mme a tlhama kompone a e bitsa Motswedi Laundry. O ne gape a re ba setse ba simolotse go dira dikganela molelo le go isa bodiredi kwa dikgaolong tse di tshabelelwang ke molelo go ela seemo tlhoko. Dr Madigele a re o lemoga fa kokelwana ya Botshabelo le Tapologo di sa tswalwe le gore dikokelwana tseo di na le tsa pelegi se e leng maiteko a a kgotsofatsang. O tlhalositse fa ntlwana e, e tlaa kganela gore banni ba Zoroga ba tsenwe ke malwetse ntlheng ya matlakala a didirisiwa tsa kokelwana. Dipolase le moepo di baya morafe ka fa mosing Dr Tombale o tsweletse ka gore le fa bangwe ba re ga ba rekisetse BMC, ba tshwanetse ba itse fa ditlhwatlhwa tsa kgomo mono di bewa go lebilwe gore BMC e reka dikgomo ka bokae. Mo go tse dingwe, o ne a gwetlha batsadi go nonotsha dipuisanyo tsa bone le bana kwa malwapeng ka dikgang tse di amang tlhakanelo dikobo. A re mpho ya paka ya sekole e tlaa thusa khansele-potlana ya Bobirwa go fokotsa ditshenyegelo ka e dirisa P7 million go tlamela bana ba batlhoki ba le 981 le masiela a le 1 604. Thuso ya potlako e botlhokwa Mme Manyemudzo Baikepi wa Goshwe mo kgaolong potlana ya Tutume o ikana gore ga gona se se tlaa mmusetsang morago mo go batleng ditsela tsa go itshetsa. Mo go tse dingwe, Rre Bogosi o boletse gore lenaneo le la dikgaisanyo tsa dikgaolo le tswelela ka go tlhabologa, a tlatsa ka go re lenaneo le le ngokile banana ba feta makgolo a matlhano, ba ba fetetseng mo legatong le lengwe ka tsholofelo ya gore ba bangwe ba tlaa ithuta mo go ba bangwe. E rile fa a tlhaba mokgosi ka dikgomo tse a di bolaileng, beng ba tsone ba ipona phoso mme ba di tsaya. Go le pele fa a tswala semmuso letshololo leo sebui sa tlotla sa letsatsi leo mothusa molaodi mo kgaolong ya kgalagadi Mme Peggy Kutlase o ne a rotloetsa le go gwetlha banni ya metse eo go tsaya dithuto tseo ka tlhwaafalo le go di diragatsa. Mme Ponoesele o buile jalo fa a ne a rolela komiti ya Nata Development Trust cheke ya P62 240 kwa Nata bosheng. Tona wa lephata la boagedi le bong, Rre Ngaka Ngaka, o gakolotse badiri ba lephata la gagwe go dira ka natla le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho. Mogolwane go tswa kwa moepong wa BCL Rre Motsile Sibanda o ne a akgolela sekole sa Moeng College go dira sentle mo go tsa metshameko. O kopile gore didirisiwa tsa kago ya hoko ya dikoko le tsa ditshingwana di goroge ka nako gore morafe o kgone go itshetsa. A re ke kereke e e dirileng molaomotheo o o tlhabolotsweng ka ngwaga wa 1999, mo godimo ga moo e na le dikomiti tse di farologanyeng go tsweledisa le go godisa leina la dikereke tse dingwe tsa yone go dirisiwa lekgotla le le tsamaisang kereke komiti ya ditlhabololo, ya banana le tse dingwe. E ne erile a ba amogela mo toropong ya gagwe, Kgosi Segale Letshele a tlhalosa fa borre ba itlhokomolositse boikarabelo jwa bone jaaka ditlhogo tsa malwapa mme ebile ba tlhotlheletsa botlhoka tsebe jo bo aparetseng tshaba ya Botswana. A re dituelo tsa ba Ipelegeng le tsone di tla okediwa mo bogaufing, le fa go ntse jalo ga a bolela gore go tla oketswa ka bokae. Mongwe wa banyalani, Rre Orapeleng Khani a re e sale a nna le mosadi wa gagwe ka 1970, ba na le bana ba ba godileng. O ne a supa fa kgotla e le lefelo le le tshwanetseng go tselwa kwa godimo le go tlotlwa ka e le la therisano le go lere kagiso mo setshabeng. Mongwe wa banni ba motse oo Rre Basimanyana Masire o ne a iteela mafoko ao kobo moroko, a tlhalosa fa motse wa Thankane go sena kwa o golelang teng. O tlhalositse fa ba na le mathata a metsi fa ba aga dikago dingwe tsa puso ka go tlhokega gore go bo go na le pompo e ba senang le yone mo kgotleng. Ntlhopheng wa bopalamente wa kgaolo ya Serowe Borwa, Rre Lesedi Phuthego, o rotloeditswe go tshwaragana le makhanselara gore ba thuse Botswana Democratic Party (BDP) go fenya ditlhopho tsa setshaba. A re ditiro tsa botlhokatsebe mo motseng di tsweletse ka go golela pele ebile di diga seriti sa motse. A re go lebega ngwao e gomagomediwa ke go nyelela jalo a lemotsha morafe fa go le mo maruding a one go ikitse le gone go ipela ka se ba leng sone.BOKHUTLO O supile fa LEA e tsaya megopolo ya ba ba batlang go dira dikgwebo mme ba e tlhotlhe go ba thusa gore kgwebo e ka tsamaisiwa jang, a re seo le sone ba se dira fela ba sa lope dituelo dipe. Ka jalo Kgosi Kgamane o ne supa gore o tlaa roma motho yo o ntseng a tlhokometse banni ba Makgaba pele, a re ba tshwanetse go aga kgotla. Rre Peter Kafuro ene o tlhalositse fa motlobo wa dibuka o tlhofofatsa thuto ya bana, ka ba ikoketsa e bile ba batlisisa ka se ba se rutilweng mo go tseneletseng. Rre Bernard Letsididi o ne a re ba pega dikgomo tsa bone ba na le mabaka jaaka go dirisa madi a teng mo lesong kana lenyalo, a re fa e tsaya lobaka go felela go sa ba thuse. O tlhaloseditse baithuti fa boitaolo le bodipa di se na maduo ape a mantle mme phelelo ya tsone e le loso, a tlatsa ka gore baithuti ba tsweletse ka mekgwa e e bosula ka e bile o fitlhele ba loba ba ba ba dirileng molato gore batle ba kgone go otlhaiwa tse ba di dirileng. A re kgaolo ya Mogoditshane e tsweletse ka go hupediwa ke dikgang tsa bo maipaafela ba ba sa amogeleng dikgakololo ka bodiphatsa jwa ipaya lefatshe kgatlhanong le thulaganyo ya peo ditsha ka fa molaong. A re diphaposi tse tharo tsa motlaleletsa tse di agilweng ke ba sesole di nolofaditse go menagane go abiwa ga ditirelo tsa botsogo mo kokelwaneng ya motse oo. Sengwe sa dilo tse di sa jeseng Rre Moipei diwelang ke gore ofisi ya banana e nyafala go lekola dikgwebo tsa bone gore ba kgone go lemoga dikgwetlho tsa bone le go ba thusa ka maano. A re motse mongwe le mongwe o na le kgosi. Rre Botshoma, yo e leng mothusa mokwaledi kwa lephateng la tikologo, diphologolo le bojanala o ne a itlama go dirisanya sentle le bogogi jwa sekolo sa Nyangabwe le komiti ya batsadi le barutabana go netefatsa gore sekolo se bona maduo a a itumedisang. Rre Mabua one gape a supa fa ban a le dikgwetlho di tshwana le go utswiwa ga leokwane kwa didibeng tse di kgakala le metse.One gape a supa gape fa ba tshwenngwa ke batho b aba nosang leruo metsi a sechaba. Banni ba re kgaolo ya bone e humile dilo tsa tlholego tse di ka tokafatsang itsholelo ya bone mme go lebega ba phuthile mabogo fela go sena sepe se ba se dirang le ntswa kgaolo ya bone e itsege thata ka go aparelwa ke lehuma la nta ya tlhogo. Ka jalo mokhanselara Kebeileng o ne a kopa ratoropo gore badiredi ba tsa motlakase ba theogele bosigo le motshegare gore ba kgone go tsibogela seemo seo ka potlako. O ne a gatelela gore fa e sale banyalani ba ntlha ba ba simolotseng go nyalana ka thulaganyo ya Re a Nyalana ka 2012, ga ba ise ba amogele dikgang dipe tsa tlhalo, ka jalo a kopa batsadi go bua le bana go tlotla le go tshegetsa malwapa. O rotloeditse batsadi gore ba tshwaraganele bana le barutabana ka go tsisa pharologanyo e ntsi mot hutong ya bana le maduo a bone. A re bontlha bongwe jwa madi bo tlaa dirisiwa go duela tante le badiragatsi ba ba tlaa natetshang letsatsi. A re ba rulagantse tshekatsheko ya ka fa moletlo o o tsamaileng ka teng kwa gape ba tlaa buisanang le go bolela maina a dikompone tse di supileng kgatlhego mo go tshwaraganeleng thulaganyo ya moletlo o ngwaga o o tlang. Mokhanselara o lela ka ditsela Ka jalo, a re palamente e ne ya baakanya ditsetlana tsa molao oo, go o atolosa gore o akaretse le borre. O tlhalositse fa maikaelelo a kwadiso eo a gwetlhilwe ke gore ditsha tsotlhe le tsa bogologolo di itsiwe le gore ditsha ga di na dinomore ka di sa potielwa. Fa a rola dimpho tseo, mogolwane wa mapodisi kwa Police College, Senior Assistant Commissioner of Police, Goboletswe Dimeku o tlhalositse fa go ba itumedisa go abela setshaba, a tlhalosa fa Batswana e le tshaba ya bakeresete ka jalo ba tshwanetse go rata bangwe ka bone jaaka ba ithata. O supile fa mohiri wa gagwe ane a tla go mo tlhola a sa mo fitlhele mme ya re letsatsi le le latelang aokomela kwa ntlong ya gagwe ke gone a bo a kgatlhantshiwa ke monko a bo aleletsa ba sepodise. Mme Sesinyi a re ba lemogile botlhokwa jwa go ikopanya le baeteledipele ba dikereke gore molaetsa o kgone go goroga kwa dikerekeng ka di na le dipalo tse dintsi tsa balatedi. Fa a tlhalosa mo puisanong bosheng, Mme Alone o boletse fa a sale a tshwere tiro e go simolola ka nako ya fa lekgotla la ga mmakaseterata le bulwa kwa Letlhakane. Rre Mabiletsa a re o lela selelo se le sengwe le bone mme e bile o itse sentle gore banni ba tlhoka eng; a tlatsa ka gore o tla tswelela a ba kopela tsotlhe tse ba di tlhokang. Rre Sesinyi gape o gakolotse gore dikomiti tsa ntebelakegolebele le tsone di ka thusa ka e bile di rotloetsa bojammogo fa gare ga baagisanyi. A re puso e a leka go lwantsha tshenyetso setshaba e ise e kekele. Superintendent Halahala a re o tshwentswe ke dikgang tsa mothale oo,a supa fa e se tiragalo ya ntlha go diragala e e amang batswakwa bogolo jang ba ba tseneng mono e se ka fa molaong. Tona wa Banana, Metshameko le Ngwao Rre Shaw Kgathi a re lenaneo la Tirelo Setshana le le simololang kgwedi ya Moranang e rogwa le bone dikopo di le 26 000 mme mo go tsone banana ba le 15000 e le bone ba tlaa simololang go tsaya karolo mo go lone. O ne a supa fa puso e tsere tshwetso ya gore melala ya dikoloto e tlaa re mo kwadisong sesha e bo e seegelwa kwa thoko, kana e phimolwa, mme a kopa setshaba go dirisa monyetla wa go nna jalo. Balemi ba Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba gakolotswe go tlhomamisa gore ba tshwara ditshefi tse di lwantshang diji le mhero ka kelotlhoko le pabalesego e e kwa godimo, ka di ka nna borai fela thata fa di sa dirisiwe sentle. O ne gape a kgotlhatsa banana go tsaya mananeo a puso tsia ka a k aba tlhabolola. A re go dira jaana go tlaa thusa morafe go tswakanya itsholelo le gone go tsisa ditlhabololo mo metseng ya bone. A re se se ka thusa gore fa motho a na le matlhasedi a kankere ba bongaka ba kgone go lemoga go santse go na le nako gore ba mo tsenye mo kalafing. Ba re ka go lebega lenaneo le le dirisiwang mo nakong eno la go duela le le bonya ba kopa gore batho ba duelwe ka dicheke. Kgosi Lotlaamoreng o ne a tshwaela ka gore maloko ga a rutuntshitswe ka tsamaiso ya mokgatlho fa ba setse ba tshwere tiro. A re puso e tsere tshwetso ya gore go boelwe gape kwa Batswaneng go utlwa gore kgang ya bojalwa ba e bona jang. A re pilara ya letshego la tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso ka 2016 e akaretsa le bone gore e bo ba tlhaloganya sengwe gape gore pilara e e ka atlega fela fa ba ka se ikgogele kwa morago. Mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Baobonye Loeto o boletse fa babereki ba lephata la leruo ba le botlhokwa fela thata ka le tshwere matshelo a Batswana jalo a rotloetsa badirelapuso ba ba direlang mo go lone go bereka ka tlhoafalo go thusa setshaba. Le fa go ntse jalo, o boletse fa lefatshe la Botswana le sa kganele batswakwa go tla go bereka le go nna mono mme batswakwa ba tshwanetse go sala ditsamaiso morago fa ba batla go nna kgotsa go berekela mono. A re nako e nngwe o dira furu ka go tlhakanya tshetlho le matlhare a setlhare sa morolwane, a di thuge mmogo di omile. Ke setse ke kgonne go ithekela dikoloi tse pedi, mme e bile ke dirile ditlhabololo mo tshimong e jaaka go gokela motlakase,a bolela jalo. E rile a bua kwa pulong semmuso ya bokopano joo ka Matlhatso, modulasetilo wa lekgotla la borre, Rre Gaaipone Lesedi, a tlhalosa fa ba na le maikarabelo a magolo a go bona gore melawana ya kereke e a diragadiwa e bile e salwa morago ka fa go tshwanetseng. Puso ga e na madi, ka jalo boikarabelo jwa rona re le batsadi bo a tlhokega, Rre Phuthego a tlhalosa. Mme Motswetla, yo e leng leloko la Thapong Visual Art Centre, o supile fa ditshupo tsa botaki tse a kileng a di tsenelela di mo file sebaka sa go supa tiro ya gagwe. A re e re ntswa gotwe ba thusa ka go ba gela metsi ka tanka ya jojo seemo se se tshwanetse sa potlakelwa ka bonako bogolo jang go thusa balwetse le ba bangwe. Mo letsatsing la go ipelela thobo kwa kgaolong ya Lecheng, mogokgo wa sekole sa Botswana College of Agriculture, Dr Mataba Tapela o boletse fa dipaka tsa dipula di fetogile ka jalo balemi ba kgoreletsega go itse gore nako e e siametseng temo ke efe. A re ka jalo go botlhokwa gore makalana a a ikemetseng ka nosi a thuse puso fa a kgonang teng, a tlatsa ka go re go ka nna molemo fa lephata la thuto le bona dithuso, ka seo se ka fokotsa letlhoko la didirisiwa tsa thuto mo dikoleng, mme go nna teng ga didirisiwa tsa thuto, go nonotshe thuto. Se, go ya ka mogopolo oo, ke go ba lebogela tiro e ntle e ba e dirang mo go lekeng go tlhabolola thuto. A re go setse go na le bagolo ba le lesome le botlhano ba ba mo ga-e-golelwe mme botlhe ba tlhaga ka tiro ya bone. Mothusa motsamaisa lekgotla legolo la ditsheko a lebagane le tsa tsamaiso, Mme Tshegofatso Mogomotsi o beile barongwa ba makgotla a ditsheko dintlha di ferabobedi tse makgotla a duleng ka tsone go tokafatsa seemo sa tiro ya bone. O boletse fa seemo sa go nna jaana se le borai ka jaana batho bangwe ba feletsa ba itseetse molao mo diatleng ka ntata ya tiego ya dithuso tsa sepodise. Rre Matlhabaphiri o rotloeditse banni go dirisa lenaneo la Ipelegeng go dira dingwe tsa diofisi, a re go ka tlisa pharologanyo mo letlhokong la diofisi. Ba ne ba ngongoregela dikompone dingwe tse di sa saleng melao ya phiro le pereko morago sentle ba supa fa bangwe ba thapa batswakwa ba ba senang diteseletso tsa go direla mo lefatsheng leno. Kgosi o supile matshwenyego ka pabalesego ya batho ba ba nnang go bapa le letamo la Gaborone, a a re o tshwenngwa ke pabalesego ya bone mo dirukhutlhing le mo dipuleng. A re o simolotse thuo ka dipodi tse supa, a tlhalosa fa dihutshane di tlhoka tlhokomelo e e tseneletseng gore di ate. Mo phuthegong eo go ne ga nna le sebaka sa go tlhophololwa ga komiti e kgologolo le go tlhophiwa ga e ntsha. O ne a tlhalosa mo potsolotsong gore ga a tlhabisiwe ditlhong ke go sela matlakala a a akaretsang dipampiri tse di phuthelang dijo, dikgethe tsa matsela le dipampiri ka go farologana gareng ga tse dingwe. Mme yo o kaile fa a belaela gore noga eo e tsene mo ntlong ka letlhabaphefo ka a ne a le bula mo lengweng la malatsi mo bekeng eo. Mo go tse dingwe, Rre Ngande o ne a tlhalosa fa a lemile furu, e e tlwaelesegileng ka go bidiwa lab-lab. Khansele ya Gumare e na le thulaganyo e mo go yone Laboraro mongwe le mongwe ba tshwarang dithapelo go ipaya fa pele ga ramasedi. Rre Kalantle o ne gape a supa matshwenyego a gore toropo eo e tlhokana le go lengwa ditlhare a tlhalosa fa e sa kgatlhise. Kgosi Mosadi wa ga Malete o supile fa mongwe le mongwe a tshwanetse go tsaya kgato mo go fokotseng tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi. Ba kgalelwa go nna maoto a tshupa Baruti ba ne ba bolela fa ba bone go le botlhokwa gore mowa wa kutlwelobotlhoko o simologe ka bone, mme ba gopole ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. O buile seo mo potsolotsong le lekalana la BOPA bosheng. Moeteledipele wa botsogo le pabalasego wa meepo ya Orapa,Letlhakane le Damtshaa(OLDM) Rre Badiri Motlaleng o tlhalositse fa tshomarelo ya tikologo e le maikarabelo a batho botlhe. O kopile bomme go nna ba le podi matseba dinako tshotlhe, bogolo jang fa ba le kwa masimo ka gore dipula di tloga di phaila gore bomme ba boele gape kwa masimo go ya go lema. Ramapodise o ne a kopa banni go loma mapodise tsebe fa go sa ntse go na le bangwe ba ba sa ntseng ba thapile batswakwa ba ba berekang mono e se ka fa molaong. Se se tlhalosa diphetogo tse ba mokgatlho wa sefapaano se sehibidu e se diretseng bangwe mo go feletseng go fetotse matshelo a bone, ke ka moo re ipelela bokgoni jwa mokgatlho o o ikaegileng ka go thusa batho. Fa a tswa la gagwe, mothusa kgosi ya Machaneng, Rre Shadrack Sarona le ene o supile fa boitshwaro ja banana bo dule mo taolong gotlhelele, a supa fa e rile bosheng ba letsa moretlwa e se ka maikaelelo. Rre Phiri o tlhalositse fa thuto e le lesedi, a supa fa bana ba dirile sentle le ntswa ba le kwa motseng o o kgakala le ditlamelo. O boletse fa borukutlhi bo tshwana le go kgothosa le go thuba matlo bo wetse tlase jaaka fa e sale go simolodisiwa lekgotla la twantsho borukutlhi. A re seo se tlaa dira gore ba kgone go bontsha batho kwa ba ka bonang thuso teng motlhofo fa ba batla thuso mo maphateng a mangwe, go na le go ba isa kwa le kwa. Ba ga Ngwaketse ba ne ba atla tshwetso eo, ba supa fa e tlaa thusa gore kgotla e seka ya sala e sena le fa ele motho. Ba itlama go dira temothuo kgwebo O ne a ba lekodisa ka ipelelo dingwaga tse di masome a fera bobedi lekgtola la BTU le ntse le le teng, a re ba ipaakanyetse moletlo oo. O supile fa dikgwetlho tse ba kopanaqng le tsone e le go senyega ga dikoloi mo go felelang go baka tiego mo go phutheng matimela, mme a tswelela ka go supa fa ba dirisa teraka e le nngwe mo e reng fa e senyegile go bake tiego. Mogolwane kwa ofising ya thuto kwa Tutume, Rre Kenneth Habana o ne a lebogela thotloetso ya ga Rre Mabutho a re se se supa lerato le kemonokeng mo dikoleng tsa Tutume, mme e bile e le motsadi tota yo o itseng botlhokwa le mosola wa thuto mo baneng. O tlhalositse gore ponelopele ya gagwe ke go ipona a okeditse mabeelo kgotsa mabokoso a a beelang dinotshi, a hudugetse kwa tshimong ka ga jaana a santse a di ruetse mo lwapeng. E rile ba akgela morago ga mafoko modulasetilo wa khansele Rre Jeffrey Sibisibi kwa Molepolole ka Mosupologo Lwetse a tlhola gabedi, mokhanselara Segwagwa o ngongoregetse gore batho ga ba eme ka dinao fa kgosi a tsena. A re ka dinako tsotlhe, go sa kgathalesege gore e opelwa fa kae, pina e ke letshwao la Batswana. O buile gape gore mo dipoelong tsa bone, ba boloka madi a P50 mo leltoleng mme a mangwe ba ikamogedise. Ka jalo ga a ipone tsapa go ralala sekgwa go batla legong le a ka le dirisang go betla. Kgosi Bock o ne a supa fa ngwao e le botlhokwa mme e tshwanetse go fiwa seriti gore e seka ya nyelela e kaya fa batswana ba tshwanetse o gata le go kopa se batlapele ba lefatshe leno ba neng ba se dira bogologolo. Modulasetilo Tshenyego o supile fa dikai tsa bolwetse jwa Coronavirus di tshwana le tsa mhikela, kgotlholo le go hupela, ka jalo a rotloetsa botlhe ba ba supang dikai tseo go itekodisa ba bongaka ka bofefo jo bo kgonagalang le fa ba ise ba etele gope le go tlhapa diatla ka molora. A re mme tse tsotlhe maikaelelo a tsone ke go tlhama ditiro le go fokotsa lehuma. Rre Lelatisitswe a re fa ba dira tse tsotlhe tsa ditlhabololo ba rerise morafe pele. O ne a ba solofetsa gape fa lephata le tlaa dira ditsamaiso tsa go rotloetsa maphata a puso go tlhomamisa gore ditirelo tsotlhe tsa dikago tsa puso mo Kgalagadi Bokone go rekwe kwa go bone gore ba kgone go itshetlela. Baphuthegi ba kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) e e itsegeng ka leina la Lontone go tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe ba ne ba tshologetse kwa Kang ka letsatsi la Matlhatso go tla go ipelela letsatsi la thobo le go abelana. O ne a leboga Mohumagadi Francinah Maotwe, yo e leng ene a duleng ka mogopolo wa go rulaganya moletlo wa peo ya kgosi. Batsaya-karolo ba rapelela tsela Mme Tshireletso yo a neng a patilwe ke molaodi wa kgaolo potlana ya Mahalapye Mme Malebogo Ramatu, a re ke tshwanelo ya bone ele babusi ba lefatshe la Botswana go akgola kereke ya Sabata le baeteledipele ba yone ka ba nnile le seabe se se golo mo go tlhabololeng thuto ya lefatshe leno ka go aga dikole dile mmalwa tse dipotlana le go aga kokelo kwa motsing wa Kanye. O kopile balemi go dirisa mananeo ka fa tshwanelong a tlatsa ka gore go dira jalo ke go senya bokamoso. A re a seka a ikgagapelela tiro a nne a roma ba ba mo tlhatlhamang, a bo a re fa a na le kgwetlho a bone gore o ka e rarabolola jang pele ga a ka kopa thuso mo go ba bangwe. Mopalamente o ne a lekodisa banni ka tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng tse di akaretsang ditshwaelo le ditshutiso di le mmalwa tsa melao, go akaretsa molao wa kgokgontsho ya bong. A re se se utlwisang botlhoko ke gore ga gona letsatsi la mahala mo dipolaanong tsa baratani. Rre Tlhogo a re ka maswabi, o ne a seka a kgona go ka tsweledisa go roka matsela ka jaana a ne a sena dirisiwa tse di rokang. Mme se se ne sa seka sa emisa barulaganyi ba moletlo o go tswelela ka tsotlhe tse di neng di rulaganyeditswe letsatsi le. Rre Mokapane a re metse e tshwanang le Mookane o o kileng wabo o tumile ka temo ebile o jesa bontlha bongwe jwa lefatse ga e sa tlhole e nale kgatlhego mo temong. A re fa ba ka boela go diragatsa boikarabelo jwa bone le gone go busetsa malwapa mo seemong se se eletsegang lefatshe leno le ka kgona go fitlhelela maikaelelo a lone a ngwaga wa 2016. Kgosi o kaile fa a tshwentswe gape ke go sa tsaya karolo ga batsadi mo thutong ya bana ba bone, selo se a reng se supagala thata ka nako ya diphuthego tse di bitswang ke barutabana tse di nnang di bona tshologelo e e kwa tlase ya batsadi. Mongwe wa banni, Rre Sethanka Nkgowe o boletse fa a na le lebaka le leele a tsentse kopo ya go bewa masimo kwa Medie mme nako kgolo ele eno. Motse o ne wa thaiwa ke morafe wa Barotsi ba ka nako eo ba neng ba bereka mo seporong. A re o ne a thusitswe ka dikoko tsa mae, mme o ne a itemogela fa di tlhokana le go fiwa dijo tse dintsi mme se ya nna kgwetlho mo go ene. O tsweletse a re bomme ba na le seabe se setona mo sechabeng, a bolela gore letsatsi le la bokopano jwa go itokafatsa ga bomme go botlhokwa ka gore go godisa go itsane ga bone le go ne go abelana maele a botshelo le one a tiro tota. Ipaakanyetseng meletlo ya boipuso Mo go tse dingwe o tlhalositse fa kereke ya Unity e simologile mono Botswana ka ngwaga wa 1959 a re mosimolodi wa yone e ne e le St Archbishop Kenaleeng Katjipaha yo o sa tlholeng a le teng mo botshelong, a tlhalosa fa e na le makalana mono Botswana, Afrika Borwa le Namibia. Se se builwe ke Mme Keamogetse Khubu wa motse wa Dikhukhung mo kgaolong ya Borolong yo o inaakantseng le thuo ya dinotshi go iphalotsa lehuma mo potsotsong bosheng. Kgosi Jackalas o bolokilwe Fa a tlaleletsa mafoko a mong ka ene, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Dovedale Rre Isaiah Gaseitsewe le ene o ne a kgala tsamaiso ya nyeletso lehuma mo motseng wa bone. Rre Bokadi o kopile mopalamente go kopana le bogogi jwa kgaolo go buisana ka go bula ofisi e ngwe ya leruo kwa kgaolong potlana ya Charleshill go fokotsa mosuke mo Ghanzi le go fokoletsa batho ba ba tswang kwa kgaolong eo mosepele. Rre Seretse o ne a lemoga maiteko a mantle a bao ba filweng lenaneo, mme a nyatsa tsamaiso ya go abiwa ga lenaneo mo kgaolong ya Kweneng, ntateng ya bodiredi jo bo maoto a tshupa, ka jalo go kgoreletsa gore bontsi jwa baikopedi ba bone thuso ka nako. Fa a bua kwa motseng waManaledi kwa a neng a rola leobo la motse oo semmuso bosheng, Rre Olopeng a rentswa go ne go na le dikgwetlho tsa madi fa badiri bao ba tsweletse ba aga leoboleo ba ne ba itoma molomo wa tlase mme ba kgona go le wetsa. Mme Khubu o supile fa thuo ya dinotshi e tlhokana le motho yo o pelotelele e bile a na le lorato mo go se a se dirang. Botswana a re e ntse e le sekgantshwane ka moitsholo jaanong o setse a tsena mo seemong sa go lejwa ka leitlho le sele ka lebaka la bogodu jo bo setseng bo tlhagelela le kwa ntle ga lone. Komiti ya ditlhabololo mo motseng wa Mmathubudukwane e kopa thotloetso mo maphateng ka go farologana le a a ikemetseng. VDC ya Mogonye e a ipelega Nako ya fa a simolola tiro ya go bopa o ne a itirela mo lwapeng se e le tsela ya go intsha bodutu mme a sa bone fa se se ka fetoga go nna kgwebo. Rra tsamaya mo motlhaleng wa bagolo, tswelela ka go nosetsa, go bopa le go nitlamisa puso ya batho ka batho. lick to see more pictures Rre Kaboeamodimo o ntshitse kakgolo eo kwa moletlong wa go rola matlo a supa a a agilweng ke ba lebentlele la Choppies ka lenaneo la ga Tautona la go agela batlhoki kwa motseng wa Rakops ka Labone. O tsweletse ka go tlhalosa gore ba ile ba kwalela moepo wa Debswana go kopa madi go aga matlwana a le lekgolo mme madi a ba neng ba abetswe ke P262 000 ka jalo ba felela ba agile a le masome a le marataro le bobedi fela. E ne e rile pele, banni ba metse eo ba supa puso ka monwana ka go nna maoto a tshupa go nyeletsa bolwetse jwa tlhako le molomo mo kgaolong ya Nhabe, selo se ba beileng kafa mosing. A re kgwetlho e nngwe ke phadisanyo ka gore bagwebi ba mofuta o ba bantsi. Metshameko e kgoreletsa botlhoka tsebe O ne a tlhalosa fa magolegwa ao e le borre ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le masome a mabedi le boraro. Mme Moses wa dingwaga tse di masome mararo, o supile fa e rile puso e tlhama mananeo a seka a ipona tsapa go inaakanya le one mme ka 2015, a fiwa dipodi di le 67 ka lenaneo la YDF. O rotloditse barui ba ba kgonneng go kwadisa meraka go thusa bangwe ka bone ka kitso gore le bone ba kgone go kwadisa meraka. Kgosi Sediegeng Kgamane o gakolotse morafe gore ba tshwanetse go dirisa methale ya temo ee tlhabolotseng ka gore go supagetse fa e ntsha maduo aa botoka mme ebile se seka ba thusa le gone gore ba rekise. Moemela Kgosi-kgolo wa bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Mokhutshwane Sekgoma, a re ke maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe go lwantsha borukutlhi. A re dikika le metshe ke dingwe tsa tse a di rekisang thata ka banni ba Mmashoro ba rata go setla mabele. Monni wa Madikwe, Rre Bigboy Chavaphi o ile a kopa puso gore e leke go rola tiro lekalana leo la koporase ya metsi, ka go lebega le palelwa kana le fekeediwa ke tiro. O ba tshephisitse gore komiti ya gagwe e tlaa feta e dira pego mme e neele ba ba maleba gore go tsewe kgato. O tlhalositse fa letsholo le, le tsile go anamela kwa metseng e mengwe ya kgaolo eno e tshwana le Gobojango kwa seemo se se ileng magoletsa teng, le gore le tlaa ema fela fa seemo se bepa. Mo kgannyeng ya phiro ya VDC, Mopalamenete Seretse o kopile maphata a a lebanyeng go tsibogela tharabololo ya kgang eo, go hema go gotlhagotlhana ga morafe le bogogi jwa motse. Mogokgo wa sekolo seo, Rre Sebilo Motlhaping, o ne a supa fa batsadi ba le maoto a tshupa e bile ba sa eme bana nokeng mo thutong ya bone. Botswana Police College e na le seabe se segolo mo go tlhabololeng matshelo a batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. A re go simolola ka 2011 o ne a dira furu ka go tlhagola tshetlho mo jarateng ya gagwe, tsa baagisanyi le mo motseng go fitlhelela mo nakong ya gompieno. Mme Mogomotsi a re molawana o o teng ke wa go simolodisa ofisi e e lebaneng le dikgang tsa barongwa ba makgotla a ditsheko go nna le sebaka se ba tshwanetseng go se nna mo ofising eseng jaaka go ntse mo nakong eno. O buile se mo potsolosong le lekalana la BOPA bosheng. E rile a akgela mongwe wa batsadi, Rre Maipelo Mpitlwe a tlhalosa fa ba lebogela go bo barutabana ba bone go le maleba go ba bitsa gore ba tle ba tshwaraganele thuto ya bana le bone go tswa kwa moding. Mothusa tona wa tsa botsogo, Dr Alfred Madigele o ne a etetse Selebi Phikwe go lekola sepatela le dikokelwana tsa toropo eo. Mme Gare a re ga a kgone go ya go itseela ditsompelo kwa nageng ka jaana go le kgakala mme a re fa puso e ka ba thusa ka go tsosolosa Shorobe Community Trust go ka nna botoka ka jaana ba ka ba thusa ka koloi go ya go bapala ditsompelo. A re e le maphata a a okametsweng ke ofisi ya ga Tautona, puso e lebile mo go bone go rekisa mananeo a yone, ka jalo a ba kopa go bereka ba le seopo sengwe go bona gore ba tsholetsa kgaolo ya Tutume le batho ba teng. Kalakamati e tlaa tlhopha mokhanselara O kopile kgosi Mere gore mo tirong e a e neelwang ya bogosi a nne boineelo a bo a nne le maitlamo ka gore morafe o tlaa bo o beile mo go ene mme go seka ga nna le tlhakatlhakano mo goora Mongala. Banni ba Mogapinyana ba boleletswe fa semorafe se ka seka sa isa motse wa bone gope mo ditlhabololong jalo ba kopiwa go nna ka kagiso le go lesa go gotlhagotlhana. Modulasetilo wa khansele o ne gape a kopa ba ofisi ya boipelego go lekola morafe kgapetsakgapetsa fa ba sena go ba abelwa dithuso tse di farologanyeng go ba fa dikgakololo le go ba tswa thuso fa ba aperwe ke dikgwetlho mo go tsamaiseng dikgwebo tseo. Banni bangwe ba ne ba ngongorega fa gantsi dithuso le ditlhabololo di diragala thata fa ditlhopho di le gaufi, e bile di dirwa thata ke phathi e busang. Mogolwane o kgothatsa banana Seo gape se tla thusa gore banni ba Metsiaela ba kgone go goroga kwa ngwageng wa 2016 ba itekanetse. Mookamela mapodise a Ramotswa, Superintendent Sarah Gabathuse, a re tiragalo e e diragatse mo motshegareng wa sethoboloko gaufi le Mogobane. A re go ne go tshwanetse go tlhophiwa lefelo le go ka se keng go gate motho kgotsa phologolo epe teng ka go ne go dumelwa fa motho kgotsa phologolo e e ka gatang fa go neng go tlhabelwa thobega teng e ka robegela gone foo. Go betla ke tiro ya diatla e e tswang bogologolo thata e ntse e dirwa. Tlhokomelang leruo-Tombale E ne ya re dinako di ntse di tsamaya, puso ya le sekaseka mme ya tsenya setlhopha se sengwe sa badirela puso ba dituelo tse di fa godingwana tsa D4 go ya tlase. O tlhalositse fa Selebi Phikwe a setse a alositse dikgwebo tsa ba-na- le bogole di le lesome le borataro. O boletse fa Matsosa-ngwao ba ithaopile go ntlafatsa matlo a setso a bojang ka go dira lekgapho ngwaga le ngwaga. Kgosi Motsamai o tsweletse ka go gakolola batsadi go itse metsamao ya bana ba bone, a re go itsewe gore fa ngwana a seo o abo a le kae. O ikuetse mo go mothusa tona gore le bone ba tsenngwe mo go gasediweng matlo le go fiwa dinnete tse di gasitsweng go lwantsha letshoroma, a tlatsa ka gore ga ba eletse go nna le dintsho tsa letshoroma mo kgaolong,BOKHUTLO O tlhalositse gore melelo mo Botswana e bakiwa ke dilo tsa tlholego jaaka tladi le batho ba ba dirang molelo ka bomo kana ka maikaelelo mme gongwe o ba tswe diatleng. Rre Tsebe o tsweletse a re, ba ne ba solofetse go rutuntsha banana ba le lekgolo mme ba kgonne go bona fela ba le masome a robabongwe le botlhano, ka go bo ba sa kgone go fitlhelela banana ba metse e e kgakala le ditlamelo. A re ba kopane e le diphuthego go simolola 2018 ka thapelo. Rre Molebatsi o ne a akgola mohumagadi wa ga Tautona Mme Neo Masisi go tsibogela dikgang tsa kgokgontsho ya bana. A re ditlhwatlhwa tsa BMC di a farologana go lebeletswe gore nama ya teng e ya go rekisiwa kae. A re ga ba eletse go bona ditanka tseo jaanong di tsalela dipeba. A re ba na ba simolola ka temo ya dikhabeche le ditamati, ba direla gautshwane le noka ya Mahalapye gore ba kgone go dirisa metsi a a neng a ela mo nokeng go nosetsa ka one. A re seo se supa tirisanyo ya lebentlele le banni ba motse ka e bile banana ka bontsi ba itshetsa ka go rekisa dijo. Badumedi ba kgothaditswe go itlhatlhobela malwetse Kgosi Sekgoma oba gakolotse gore ba nne malala a laotswe ka jaana letsema lele gaufi, are seo se tlaa ba thusa gore ba kgone go tshwara bokgola jwa pula tsa ntlha. Rre Milton o tlhalositse fa bogodu jwa diteemane bo golela pele lefatshe ka bophara, mme ebile meepo ya Debswana le yone e amiwa ke bogodu joo. E re dikgang di eme jalo,mapodisi a Tatitown a bolela fa ba tshwere mmelaelwa mo tiragalong ya polao le go kgothotsa e e diragetseng kwa Sebina Cross ka Matlhatso bosigogare. O tlhagisisitse fa mongwe le mongwe yo o batlang go bega dikgang tsa bogodu jwa diteemane a ka leletsa mogala wa mahala wa 0800 600 333 kana a begela mapodise ape fela a a gaufi mo Botswana. A re go supafala fa diphetogo tse di dirafalang mo matshelong a gompieno di gomagometsa go nyeletsa ngwao ya lefatshe leno. Rre Keinyatse o ne gape a gakolola balemi go dira ditlhopha gore ba gokelelwe metsi ka go phunyediwa didiba ka lenaneo la LIMID ka ba lela ka tlhaelo ya metsi go nosa leruo. O ne a kgothatsa balemi ba motse oo go sala ditaelo tsa ba lephata la temo thuo morago ka nako tsotlhe, ka di ka ba solegela molemo go ntsha maduo a a bonalang mo temong ya bone. O buile jaana bosheng kwa Serowe, jaaka fa komiti eo e ne e aba melora le mesangwana go thusa basetsanyana ba ba ka nnang le seemo sa go bona setswalo ba le kwa sekoleng. Ba re ba na le ditoro tse ba dumelang gore e tlaa re lengwe la malatsi botshelo jwa bone bo fetoge mme ba tshwane le bana ba malwapa a mangwe. A re banana ba tshaba go dira dikgwebo tse di pharologanyo ka jalo ba felela ba lela ba re ga go na mmaraka, tse dingwe di felele di phutlhama ba palelwa ke go di tsamaisa ka di a bo di tletsetletse. Mopalamente wa Boteti botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe o kopile dikomiti gammogo le bogogi jwa metse go tshwaraganela ditlhabololo tsa metse Mopalamente o buile jalo fa a buisa dikomiti tseo kwa Khwee bosheng, a supa gore nako e ke ya go sekaseka mananeo a ditlhbololo NDP11 le DDP5 go bona gore ke a fe a a kgonagetseng le gore ba ka fetola fa kae ba lebile letlhoko. Mongwe wa bakgweetsi ba ba neng ba tseneletse dithuto puisanong tseo fa a kgwa dikgaba baruthuntshi bao Rre Benjamin Madube o ne a lebogela dithuto, a tla a supa fa gantsi dikotsi dingwe di bakwa ke go tlhoka go rulagangwa le go rerisanwa sentle ga mosepele pele ga nako ke baeteledipele, a kaya fa seo gape se baya bakgweetsi mo kgatelelong ka nako e nngwe ba bo ba sa ipaakanyatsa mesepele. A re baagi ba metse ya Motlhabaneng, Mathathane le Lentswelemoriti ba rekisa ditlatlana le mebanki e ba e logang kwa mafelong a a etelwang ke bajanala jaaka Mashatu Game Reserve.Kgosi Madome o tlhalositse fa matlotlo a tlholego ga mmogo le diphologolo tsa naga di tshwanetse go sirelediwa le go somarelwa gore di seka tsa nyelela ka di godisa itsholelo ya Botswana. O tsweletse a tlhalosa ka gore gantsi o tlhatswetsa ditlhopha tsa kgwele ya dinao le morafe ka kakaretso. A re ba beile mo go beelweng monwana ke bobedi joo gore ba kgone go bona dikatso go sa nneng jalo ga ba kake ba dira sepe. Tona wa dipalamo le ditlhaeletsano, Rre Nonofo Molefhi, a re puso e dira ditlhabololo le go fa dithuso go tswa mo lenaneong la ditlhabololo nako le nako e seng ka nako ya ditlhopho di le gaufi jaaka bangwe ba akanya. A re se se supa fa mowa wa boithaopo le tirisanyo mmogo di le teng mo baaging. Rre Mabotle a re o bone mosola wa thuto ka e bile a kgona go thusa mo go ruteng ba-na-le bogole ba bangwe. A re fa khumagadi e bolailwe e fa molemi maikutlo a a monate ka jaanong seolo se tlaa bo se sa tlhole se bereka go na le fa go ka bo go dirisitswe methale e sele ya go bolaya. A re mo ngwageng wa madi wa 2017/18 ba ne ba filwe P4.6 million go thusa baikopedi ba ba eletsang go thusiwa ka lenaneo. E tla a re ngwaga o o tlang ka kgwedi ya Seetebosigo, banni ba Tshesebe ba baye semmuso Kgosi Motlotlegi Kachana mo setilong. O ne a tlhalosa gore dimpho tse ba di ntshitseng ke maiteko a go fa bana bao seriti sa lelwapa le tlhokomelo e ba e tlhokang. A re somareleng leina la Modimo re nne bafenyi ka mananeo a puso, ga bua jalo mothusa tona. Rre Motlokwa a re o itumeletse go bo puso e tsere tshwetso ya go bula madirelo a tshugo ya matlalo kwa Lobatse ka a dumela gore ba tlaa simolola go reka matlalo ka tlhwatlhwa e e botoka. Rre Molebatsi a re barui ba ne ba supile fa dikgomo dingwe go ne go bonala di ne di lwala, fa tse dingwe e ne e re di sena go buiwa, go fitlhelwe matsela le dipolaseteke mo megodung ya tsone. Rre Motingwa o ne gape a leboga lebentlele la Choppies le a reng le ne la ba tswa thuso go fitlhela la gompieno ba dira jalo ka go hira banalebogole mo lebentleleng la bone, a tlhalosa gore ba setse ba hirile ba le makgolo a mabedi, ba bangwe ba bone ba setse ba bone mafulo a matalana mme go setse ba le lekgolo le masome a mararo. A re banni ba Naledi ba sego ka madi ao a tla ditlhabololo tsa kgaolwana ya bone di setse di dirilwe ka bontsi, ka jalo go na le kgonagalo ya go re ba ka a dirisa go dira ditiro tse di ka direlang kgaolwana ya bone letseno, a tlatsa ka go re ba tshwanetse go kopana go akantshana se se ka dirwang ka madi ao. Ba gakololwa go ikamanya le thuo Mme Gabathusi a re borre bao ba tlaa lebisiwa molato wa go gobatsa e se ka fa molaong, tshenyo ya dithoto tsa puso ka ba ne ba thuba koloi ya sepodise go inaya naga. Mananeo a tshwana le la Gender Affairs le le itebagantseng le go thusa bomme go ka itshimololela dikgwebo gammogo le la SHHA go ka ikagela bonno jo bo eletsegang. Mokhanselara wa Lokgwabe, Rre Keagalemang Leshope, a re kgokgontsho ya bomme le bana ke tsuulolo le kgatako ya ditshwanelo tsa bone. Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi o roletse boo-Tawana loeto lwa ga Tautona kwa phuthegong ya kgotla e e neng a e buisa kwa kgotleng kgolo bosheng. O kopile ba ba ngongoregelang tshwetso e e tserweng ke lekgotla go isa dingongora tsa bone kwa go ba ba maleba. Bana ba ba goroga ba lapile, selo se se felelang se ama tiro ya bone ya sekole ka gore ba abo ba otsela ba sa utlwe fa go rutwa. O tlhalosa gore ba itlamile gore moso mongwe le mongwe morutabana a buisanye le baithuti ba gagwe ka dikgang tse di ba amang, se e le go leka go tlhotlhomisa modi wa botlhokatsebe jo bo diragalang. Rre Bashingi o tlhalositse fa dingwe tsa dikgaolo tse di amegileng segolobogolo e le tsa Nkoyaphiri, Goo-Selaledi, Tsolamosese Ledumadumane, Gabane magareng gatse dingwe. Mongwe wa batsena phutego, Mme Monty Moseki o kgothaditse borre go amogela phelelo ya lorato. O ne a tswelela a tlhalosa fa theko ya dinkgwana e le ntsi fela thata mo kgaolong ya Kgalagadi ka di sa nne lobaka di sa rekiwe. Mopalamente Seretse o tsweletse ka go buisa diphuthego mo kgaolong ya gagwe a lekodisa banni ba metse ka go farologana ka dikgang tse di tswang palamenteng le gone go tsaya megopolo mo go bone go ya palamenteng e e latelang. Barutabana, batsadi le bana ba sekole se sebotlana sa Kgagodi ba ne ba thulantse ditlhogo go tswa ka maano a ba ka tokafatsang maduo. Sebui sa tlotla e bile e le tona wa pele wa metsi le di-tswa mmung, gape e ne e le mopalamente wa pele wa Kweneng Bophirima, Rre Boometswe Mokgothu, o supile fa ngwao e le mokgwa o batho ba tshelang ka one. Ba Shoshong ba tsosolosa tshimo ya Eden Ntlheng e nngwe a re gonne le dikokelwana tsa nakwana kwa dipolaseng le go gopiwa ga tsela ya Moletemane go ya Tsetsebye le Majotshipa ka metlha kana morago ga kgwedi tse tharo, le go kgaratlhela gore go e tshelwe sekonotere, dilo tse a reng di tsdhwanetse go tsenngwa mo ditogamaanong tsa lefatshe ka bofefo. Mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha, Mme Ntebaleng Thapelo a re ba tsentse motse wa Makgaba mo lenaneong le le tsweletseng la Integrated Land Use Plan for Southern Sua Pan le le akaretsang metse ya Mosu, Mmatshumo, Mmea le Mokubilo le le tlaa welang ka Sedimonthole . Motshwarelela mogolwane wa mapodisi a Mahalapye, Superintendent Olefile Badisang, a re ga ba robatswe ke dikgang tsa baratani ba ba bolayang ba bangwe, mme morago le bone ba ikgapele matshelo. Pula e digile matlo kwa Mmashoro O ne a tlatsa ka gore batsaya karolo mo lenaneong le ba tlaabo ba atswiwa ka madi a a kana ka makgolo a supa a dipula mme mo go one, makgolo a mabedi a dipula ba tla bo ba a bolokelwa gore fa ba tlogela ba kgone go ithusa. O kaile fa mangwe a mabaka a a diileng e nnile go fetola babueledi ga ga Zulu yo mo dikgannyeng tse tlhataro tseo go balelwa le e e tsholotsweng, mme ka jalo a kopa lekgotla go ikgatholosa kopo ya ga Zulu ka jaana e le go iphitlha ka monwana. Nngwe ya dikgang tse di tshwentseng tona ke ya go goroga ka bonya ga dirisiswa tsa mananeo a farologanyeng a puso kwa mafelong a tshwana Medie le mororo metse eo ese sekgala sepe se se tshwenyang gotswa mo toropokgolo fa se bapisiwa le metse ya dikgaolo tsa Kgalagadi. E rile a bua mo potsolotsong ka Labotlhano, kgosi a akgolela lekgotla leo go dira ka natla e bile ba dira tiro ya bone ka dipelo tse di phuthologileng. ka mathata a metsi. Ba-tlhoka-pono ba tlhophile kwa Selebi Phikwe Batswana ba kopiwa go nna le mowa wa tlotlano Mme Tshireletso yo e bileng ele mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba o dirile kakgolo e mo moletlong o neng o rulagantswe ke bakeresete ba kereke ya Sabata mo Mahalapye Mopitlo a le malatsi a robabobedi go abela bagodi ba kereke eo dimpho tsa diaparo go supa lorato le tloto mo go bone. O buile se fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng, a re itsholelo ya kgaolo e e ikaegile thata ka thuo ya dikgomo. Rre Leshope a re ka fa borre ba bolayang bomme ka teng, ba ba kgaola dirwe, ke bosetlhogo jo bo feteletseng. O tlhalositse fa ele maikemisetso a puso go fa Batswana botsogo jo bo tlhapileng e bile bo kgatlhisa, ke gone ka moo ba tlisang tlhokomelo e e tsepameng go babalela matshelo le botsogo ja setshaba ka metseletsele ya mananeo a botsogo le ditlamelo tse ba di neelwang mahala. Mapodise a tlhotlhomisa kgothoso le petelelo O ne gape a re dikgang tsa peo ya bogologolo, lekgotla la kabo ditsha le ise le nne teng, e ne e dirwa ke bogosi. Rre Ketlhoilwe a re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse a itshekatsheke a bo a ipotse gore a o tlaa tsweledisa kagiso e e dirilweng ke bogogi jwa lefatshe leno. Mogokgo o ne a supa fa botsadi jwa motse wa Diloro bo tshwaraganetse thuto ya bana le barutabana ka ditsela tsotlhe, a re seo ke sengwe sa tse di rotloetsang barutabana go dira tiro e ntle kwa sekoleng. O ne a tlhalosa fa a rotloetsa monana yo o ising a bone tiro go ema ka dinao a sa tlhabiwe ke ditlhong, go simolola kgwebo ka e le yone tsela ya go tswa mo lehumeng. Tona wa banana, metshameko le ngwao Rre Thapelo Olopeng o akgoletse badiri balephata la gagwe go bo ba ne ba nna pelo telele mo go diragatseng maikaelelo abone a go aga leobo la kgotla kwa motseng wa Manaledi mo kgaolong ya Tswapongbokone. Mothusa moeteledipele wa komiti e e okametseng dikomiti tsa batsadi le barutabana (PTA), tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Comfort Marcelino a re go tlhoka go tlhokomela bana go ka kgoreletsa le go digela maduo a bana kwa tlase. Jansen o itshetsa ka ditlhare le mebutla Ba supile fa gape go na le batho ba ba senang ditsha mme ba nna kwa masimong, ba supa gore fa e le gore go tlaa dirisiwa nomore ya setsha go ikwadisetsa ditlhopho go raya gore bone ga ba na go nna le sebaka sa go ikwadisetsa ditlhopho. Rre Sebaga Monyena, yo e leng moitseanape wa didirisiwa tsa temo mme a direla kwa Serowe, o ne a supa fa matshwenyego a kgaolo ya bone ka kakaretso e le tiriso ya dipolantere, dinako tsa go jala, kgang ya go itepetepanya le tsa tepo-loapi, go somarela bokgola le didirisiwa tse di somarelang bokgola. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Moruti Boemo a tlhalosa fa tlhakanelo dikobo e sa tshwanela go nna sengwe se batho ba tshamekelang mo go sone kgotsa e le nngwe tsela ya go itlosa bodutu jaaka bangwe ba dira. O file sekai ka metshine ya di ATM tsa dibanka gore di ne tsa seka tsa amogelwa kwa tshimologong, mme e ne ya re mo tsamaong ya nako, batho ba lemoga fa e tokafaditse tsamaiso. Fa a amogela baeng, kgosi wa Malolwane, Rre Esron Bogatsu o ne a leboga Kgosi Sekai go bo a ne a seka a ipona tsapa go nna mongwe wa basupi mo go tlhongweng ga ga Kgosana Ramatlhakwana. A re o simolotse tiro e a sa le mmotlana. Kgosi Maforaga a re Palapye e kile ya bo e le meraka, go tletse diphala tse leina la motse wa Phalapye o tswang mo go lone.Phala-pye o raya g diphala tse di dintsi Ka nako eo, meraka e e ne ya fetoga go nna motse ka diterena di ne di nosiwa mo seteichaneng sa Palapye pele di fetela kwa borwa kana bokone. Fa a bua kwa phuthegong ya komiti ya batsadi le barutabana kwa Matshekge bosheng, Mogokgo James Butale o tlhalositse fa sekole seo se dirile bontle kwa dikgaisanong tsa BISA. A re bangwe ba banana ba simolola boitshwaro jo bo makgasa fa pele ga batsadi ba bone kwa malwapeng ka kapari, go loga meriri le go rwala manyena mo go dirwang ke banana ba basimane le go ipitsa maina a a sa tlwaelesegang, a supa gore fa ba setse ba tswetse kwa ntle gone ba dira go tlala ka diatla. O rotloeditse maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse go nna ba begela setshaba ka fa ba dirang ditiro tsa motse ka teng ngwaga le ngwaga. Mme Matenge a re mokgatlho wa bone o lemogile fa seriti sa motho se sa tshwanela go dibelwa fela fa a sale mo botshelong, mme go le botlhokwa gore le motlhang a tlhokafetseng go supagale fa e ne e le motho yo o ikgaratlhelang mo botshelong. Kgosi Itumeleng o buile jalo bosheng fa kereke ya Independent Assemblies of God e ne e tshwere tirelo ya go fitlhelela setshaba. RreMaphephu a re ba bongaka ba santse ba tlhatlhoba mmele wa moswi go rurifatsa sese ka tswang se bakile leso leo. Are dikai tsa kgokgontsho e ke go tshosetsa yo mongwe, go gataka yo mongwe ka dinao, go boulela, go sotla yo mongwe o mmitsa maina a a sa itsagaleng le tse dingwe. O ne a lebogela botsipa jo ba bo neetsweng ke Rre Nkgowe mme a solofetsa fa ba tlaa tswelela ba dirisa botsipa jo a ba bo neetseng go itshetsa. O supile fa a tsere kgato ka go rerisanya le Kgosikgolo Kgafela gammogo le puso ka dikgang tsa go tlhophiwa ga dikgosi, mme botlhe ba dumalane fa go se kake ga tlhophiwa kgosi mo Kgatleng ka e se ngwao. Modulasetilo wa Bathoen II Dam Nature Sanctuary Management Trust, Rre Lesedi Moahi a re komiti ya bone e tlhaela ka maloko a le mararo, ba a reng ba ithotse marapo ka mabaka a a farologanyeng. Banni ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lephata la kabo ditsha mabapi le dipolase tse di segilweng tsa kgwebo ya temo ya dijo gaufi le motse wa Kweneng. O ne a kopa gape gore ele ba dimausu ba fiwe tshono ya go phakisa batlhoki le masiela ka dimausu tsa bone dina le dithoto tse di ka phakisiwang. A re mogwebi yoo o ne a solofetsa fa a tlaa kopela Kanye ditanka tsa metsi mo Choppies ka jaana a dirisanya le bone mo go tsa kgwebo, mme a mo lebogela gore ka boamaaruri o diragaditse tsholofetso ya gagwe. A re go dira jalo ke gorekisa lefatshe, ntswa e le bone Batswana ba lelang ka gore batswakwa ba bantsimo lefatsheng e bo e nna bone gape ba ba abelang mananeo. O boleletse badiri ba matlhabelo gore bolwetse ga bona kalafi, mme balwetse ba thusiwa ka kalafi ya dikai tse ba di supang. E rile a ba lekodisa ka melao e e fetileng kwa Palamenteng, Rre Molefhi o ne a supa fa ba tshwanetse go e tsaya ka tlhoafalo ka e ama mongwe le mongwe bogolo jang wa tiriso ya maranyane le ya tiriso ya diritibatsi. A re dikomiti tseo di kopana kgwedi le kgwedi. A re ntswa matlwana a bone a tshwanetse go amogela bana ba le masome mabedi le botlhano, ba kgona go tsaya bana ba le masome mararo, selo se a tlhalositseng fa se sa siamela botsogo jwa bana le fa e le ene morutabana ka go a bo go le mosuke. O ne a tlatsa ka gore molelo oo ke sekao sa popagano le kagiso e Batswana ba tshelelang mo go yone. Botswana Savings Bank (BSB) e itseetse sekole se sebotlana sa Nyamambisi kwa Marobela ba le mo moonong wa lephata la thuto le tlhabololo dikitso go tsaya dikole go di tlhokomela. O tlhalosa fa rragwe le ene a ne a lemoga maikaelelo le lenyora la ngwana wa gagwe go dira temo ya merogo e le seikokotlelo sa gagwe sa botshelo. E re le fa go ntse jalo go santse go le gontsi mo Batswana segolo thata banana ba sa go tlhaloganyeng ka bogadi, mosola wa jone le boleng jwa jone mo matshelong a batho. Mme Ramsden o rotloeditse bana go fetola ka fa ba akanyang ka teng, a re ba tshwanetse go nna le keletso le lenyora la go itse gore ga go na se se thata fela fa motho a na le lorato lwa go dira sengwe mo botshelong. A re ka 2009, kgaolo eo e ne e le nngwe ya tse di neng di di goga kwa pele ka dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba ikwadisitseng, a kaya fa ba ne ba le mo maemong a boraro lefatshe ka bophara. A re mo ditsamaisong tsa batsalwapele go ne go tshwanela e bile go se thona gore batho ba tsee tsela e e tsamaiwang ke ba bangwe, e bile kgosi e ne e le molaodi le mokaedi wa morafe wa gagwe. Baithuti ba sekole se segolwane sa Tsabong ba gakolotswe go ela tlhoko le go itsese ba ba lebaneng ka matlapa a ba ka a fitlhelang mo makhubung le dipane tse di mo kgaolong ya Kgalagadi di le mosola thata mo ditsong ga mmogo le mo go tokafatseng dithuto tsa bone tsa ditso le maranyane. Ka jalo o ne a kopa puso, maphata a botsogo, dikereke makalana aa ikemetseng, a sepolotiki, bogosi le setshaba ka kakaretso go tiisa go lwela botsogo le ditshwanelo go fenya ntwa e. Rre Markus o bile a tlhalosetsa morafe ka madi a a ntshitsweng ke puso go lwantsha kgofa e thamaga e e apesitseng barui ba Okavango kobo ka letshoba. Rre Leshope a re go tlhoka go sireletsega ke kgwetlho e tona e e phirimisang keletso ya tekatekano ya bong, ka gape go kganela bomme go nna ba phuthulogile le gone go tsaya karolo mo ditlhabololong tsa lefatshe. Mme Samakha a re nkgo e tswa goo lowe e le selwana se se jelang mme mo bogompieno e dirisetswa go kgabisa mo meketeng jaaka mo manyalong. O tlhalositse gape gore sekole se tshwanetse go nna le seabe mo go thuseng batsadi go rarabolola mathata a tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi. Nna ke itse gore gone go supiwa kgosi fa mongwe yo o ntseng e le kgosi a tlhaetse ka bogodi, bolwetse kgotsa a tlhokafetse, ditlhopho ke itse e le tsa mapolotiki e seng tsa bogosi, ga gatelela kgosi. A re mafatshe a a tshabelelwang ke dibetso tsa tlholego a ka tswa a le kgakala le rona, mme fa dipaka di ntse di fetoga jaana, le rona seemo seo se ka re ama. E rile a lekodisa mopalamente ka ditlhabololo tsa kgaolo ya Botshabelo leloko la komiti ya ditlhabololo, Rre Ernest Venga a re ditlhabololo tse di dirwang ka madi a ditlhabololo tsa dikgaolo di setse di wetse jaaka ditsela le makgabaganyo a sekole se segolwane sa Mojamorago. Ka jalo Rre Autlwetse, o ne a tlhalosa fa ba dumelane go tla go tsaya megopolo mo setshabeng gore jaanong kereke e seka ya tlhola e bopiwa kgotsa e kwadisiwa ka batho batho bale masome a mabedi bogolo e nne makgolo a mabedi le masome a amatlhano. O boletse fa a leboga puso gobo e dirile melao e e laolang thekiso ya bojalwa, bogolo jang jwa Setswana, ka a re ba ne ba tsenyega dingalo ka go tlhoka go obamela dinako tsa thekiso ga batho ba ba rekisetsang mo malwapeng. Lekoko le sekaseka bomaipaafela Go tlhalosiwa fa seemo sa nako eno sa diphetogo tsa loapi se tla ka malwetse a a amang dijwalo segolo bogolo. Serowe o ipelela thobo Rre Tumaeletse o ne a phophotha legetla mongwe wa maloko mo kerekeng eo yo o neng a ithaopa go ntsha mpho ya sehikantswe sa ga Mme Marea Mma Jesu se e leng sone se tlotlomatsang le go kgatlhisa mo kagong ya Grotto se a tlhalositseng fa a se rekile kwa India. O supile fa bone e le khansele ba bofeletswe matsogo ka fa morago ka jaana go na le ofisi e e maleba ya tsa pereko e e itebagantseng le gone go tseela dikompone dingwe dikgato fa go na le dilo dingwe tse ba sa di obameleng. O tlhalositse gore ba tshwanetse go rutuntshiwa go na le nako gore ba tle ba kgone go thusa fa go na le seemo. O rotloeditse komiti gore e berekisane le ene go fetisetsa dikopo tsa bone kwa maphateng a ba sa kgoneng go ya kwa go one. A re motsadi mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le maikaelelo ka thuto ya ngwana wa gagwe, a tlatsa ka gore seo se ka thusa baithuti go fitlhelela ditoro tsa bone. Kgosi Oleo Ledimo o ne a re sebe sa phiri ke gore jaanong le yone ofisi ya ga molaodi ga e na kemedi mo phuthegong eo mme a re go lebega go na le dilo dingwe tse dintsi tse di sa tsamayang sentle. A re mo bosigong ja tetelo gone ga nna o kare go tla tsoga lesukasuka mme a tswelela ka gore le fa go ntsejalo ba sepodise ba ne ba kgona go busetsa seemo mo taolong. A re e le maloko a komiti eo ba setse ba kolekile madi a dimpho tsa rafole e ba tlaa e dirang mo bogautshwaneng. Rre Nsala o supile fa katlego ya bone mo kgwebong e le go tsenelela dikgaisanyo tsa bodiragatsi tsa ga Tautona ngwaga le ngwaga. Mo potsolotsong le Mathata a tsela e ke gore ga e a bulega, mme e bile e tlhoka dipone di le dintsinyana mo go yone ka gore e sekgwa thata, e bile diphologolo di kgabaganya teng. Rre Kgonkane o buile se mo potsolotsong bosheng, a supa fa puso e dule ka mananeo a le mmalwa ka maikaelelo a go leka go inola Batswana mo lehumeng mme fela go supagala fa tema e dule kwa Khekhenye. A re bana bao, ba ne ba dira ditiro tse di bosisi mo baneng ba bangwe e bile ba ipitsa balatedi ba ga saatane. A re go botlhokwa gore banni ba motse oo ba itshekatsheke go bona kwa ba tswang teng le gore ba diretse lefatshe leno eng jalo go tlhokana le gore ba nne mmogo mo letsatsing leo go tsaya molaetsa le go gakololana gore ba ka tswelela pele jang go direla lefatshe leno. Rre Maele yo a neng a patilwe ke mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso Rre Dikgang Makgalemele le mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae Mme Botlogile Tshireletso, a re ere ka Batswana ba sa kgathegele temo-thuo ke sone se letseno la thobo mo dingwageng tsa gompieno le bonang 4 per cent gona le 40 per cent yo a neng a bonwa mo dingwageng tsa bogologolo. A re maitlamo a khansele-potlana ke go tshwara letsatsi leo mo sephatlong sa ngwaga le ngwaga e le tsela ya go tokafatsa ka fa setshaba se thusiwang ka teng. A re kwa Palapye ditlhopha tsa mmino wa Setswana di oketse banana kwa go tsone ka dipalopalo, a tlatsa ka gore dipina tsa Setswana di na le molaetsa o o ka fetolang maitsholo. Mme Nthabi o boletse fa kgokgontsho ya bong e nale ditlamorago tse di ngomolang pelo jaaka dikgobalo tse di akaretsang go robega,dintho le bogole, loso, go ima e se ka maikaelelo go dirwa ke go patelediwa tlhakanelo dikobo kana go idiwa go tsaya tsa thibelo pelegi,go thubega ga malwapa le gone gore bana ba ba goletseng mo malwapeng a a nang le kgokgontsho kana ba kile ba kgokgontshiwa gantsi ba ka iphitlhela le bone jaanong ba kgokgontsha ba bangwe. Mekgwatlha e oka dirukutlhi Fa a tlhalosa ka mananeo a a leng teng kwa CEDA, mogolwane wa lekalana leo, Rre Thabo Thamane, o tlhalositse fa CEDA e dirilwe morago ga puso e sena go lemoga fa Batswana e ne e le babogedi mo mererong ya tsa kgwebo, mo lefatsheng la bone, ka jalo puso ya tsaya tshwetso ya gore ba ntshe lenaneo le e leng gore le tlaa thusa Batswana ba e leng gore ba kokonelwa ke merokotso le dielo tse di batliwang ke dibanka. Lenaneo la See and Treat ga le emisetse le le ntseng le le teng la Pap Smear, ka jalo le ntse le tsweletse kwa dipateleng. Ditshupo tseo di ne tsa fetola botshelo jwa gagwe fela thata ka gore batho ka bontsi ba ne ba supa kgatlhego e kgolo thata mo tirong ya gagwe. A re dingwe tsa dikgwetlho ke letlhoko la metsi le lefelo le le phuthulogileng le a ka kgonang go ruela mo go lone mebutla le go lema merogo le ditlhare. Segokgo o supille gore setlhopha sa Botsogo Pele, se se bopilweng ka bagolo ba dingwaga tse di masome marataro go ya kwa godimo go tswa DML Wellness Centre le bone ba tlaa bo ba le teng go tla go supa ka tsa itshidilo mmele. Ka jalo o rotloeditse gore beng gae le bone ba tsene mo kgwebong e ka nama ya tonki le mashi a teng go bolelwa di dira dijo ka mefutafuta. Go ya ka Detective Assistant Superintendent Bigboy Nkhwanana, ba ne ba begelwa tiragalo eo ke bangwe ba ba neng ba ile go epa mantswe a konkoreite fa lefelong leo mo maphakeleng a Mosupologo. Mme Jimmy o tlhalositse fa motlhwa o kgona go tsamaya sekgele se se leele ka fa tlase ga mmu. Balemi ba Shakwe ba ba phakileng dipeo tsa mabele a nomoro ya 1008 ba kopilwe go di busa ka thobo ya tsone e sa siamela go jewa. Pego e e tswang kwa lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae e bolela fa tona Siele a tlaa kopanela phuthego le makgamu a a amegang kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro mo Mahalapye mabapi le ngongorego ya bogosi. Botswana o gatela pele mo go lwantsheng HIV\AIDS O akgotse bana ba ba amogetseng dimpho mo dithutong ka go farologana, mme a kopa ba ba sa tsayang sepe gore ba seka ba itlhoboga mme ba itshwarelele thata mo dithutong tse ba di kgonang gore ba gatele pele mme ba tsoge ba itshetsa ka se ba se kgonneng. O ne a supa fa banana ba na le kgatlhego e ntsi ya go dira ditiro tse di rotloetsang ngwao mme nako e ntsi ba itsapisiwa ke bogogi bo ba kopang diteseletso kwa go jone ka ba ba direla tiro bokete. Batswana ba kgothaditswe go ithekela dikoloi ka sebele go na le go neeletsa batho ba bangwe. O tlogela mohumagadi wa gagwe le bana ba le bane bomme ba le ba bedi le borre ba ba bedi. Ba re, badirela-puso ga ba ke ba ba etela go ba tlhalosetsa ka mananeo a puso le go tla go tsaya dingongora tse ba kopanang le tsone mo Ipelegeng le baithaopi ba sepodise. Mogolwane wa khamphani ya Stanlib Investment, Rre Moarabi Mariri o ne a gatelela botlhokwa jwa barutabana ba dikole tse dipotlana a re ke bone batho ba ba botlhokwa thata mo go ageng bana go tswa kwa moding. Motlhatlhobi wa dikago go tswa kwa BHC, Rre Kgoberego Nthusang o ne a iteela kobo moroko mafoko a ga modulasetilo, a tlhalosa fa a solofela go fitlhela setsha go sa agiwa sepe mo go sone, fa ese terata le metsi, mabeelo a dithoto tsa kago le gore se bo se epilwe ditlhare fela. A re, batsadi ga batle diphuthegong tsa sekole ka dipalo tse di kgotsofatsang, a tlhalosa fa ba iponatsa fela fa ba tsile go ngongorega fa ele gore ngwana wa bone o ka tswa a ne a otlhaetswe molato mo sekoleng. A re ba na le botlhoki jo botona jwa motshelakgabo go tswa kwa Ramokobetwane go ya kwa masimo a Nkudilla. Kgosi Telekelo a re Kgosi Malope o ba bontshitse gore kgosi o tshwanetse go kopana le batho ba gagwe ba ba farologanyeng a tsaya dikgang le bone tse e a reng morago di ntshe maduo. Molebatsi o rotloetsa tlhokomelo ya noka Modulasetilo wa lekalana la ba-na-le bogole mo Shoshong, Mme Oakantse Kanokang o supile fa ba faraferwe ke dikgwetlho. A re lenaneo la bomme la bong le ne la emisiwa ka go ne go lemogilwe fa bangwe ba ne ba sa dirise madi sentle le lephata le ne le sa dire go lekane. E re ka Motswana a rile e a re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting, Mme Kelapile Jansen yo o itshetsang ka ditlhare le mebutla o dirile fela jalo. A re gone fa seemong se tla go nna jalo, ba koporase ya metsi gantsi ba ba tsisetsa metsi ka ditanka. Kgosi Sekgoma o gakolotse badiragatsi bao ba molao gore ba tshwanetse go itse gore ba bereka ka nako tsotlhe le fa ba sa apara paka ya tiro tota, mme a re go mo maruding a bone gore ba netefatse gore Serowe o nna phepha e bile go nna le kagiso. O supile fa mo ngwageng o o tlang ba tla katisetsa lephata la botsogo banana ba le 1 500 mo lenaneong la Boot Camp gammogo le ba sepodisi. Mokhanselara Rre Ngatumbwe Kanzombungo wa kgaolwana ya Nokaneng/Habu le ene o ne a supa fa se lekgotla le se dirileng se ngomola pelo a tlatsa ka gore e re le ntswa tebelopele ya setshaba e rotloetsa mowa wa bopelotlhomogi le go kgathala ka ba bangwe ba kabo ditsha ba paletswe ke go diragatsa seo. Tona wa lephata la dikago le tlhabololo matlo, Rre Mmusi Kgafela, o gwetlhile setshaba go nna matlho a puso go tlhomamisa gore boradikonteraka ga ba dirise didirisiwa tsa kago tsa boleng jo bo kwa tlase ka go dira jalo ke go ja puso ntsoma. Sebui sa tlotla sa letsatsi leo mopalamente wa kgalagdi borwa Rre Jonh Toto o ne a kaya fa mmino wa polka o tlotlilwe thata ke letso la sekhalate bogolo jang kwa mafelong a tshwang le Bokspits,Struizendam , Khawa le a mangwe. O tsweletse a re madi a bond e ntse ele P20 000 mme ba batla a okediwa go nna P100 000 kana ka fa ba tla a dumelanang ka teng. A re jaanong ba ya go nna dingwaga tse tharo mo ofising motho a bo a ka thapiwa gape ka go ikopela tiro. Ka jalo a re peo e e tlaa tswang mo pelong e tlaa tlhoga masego, kutlwelobotlhoko, bolemo le tsotlhe tse batho ba ka di eletsang. O boletse fa banana ba sa tsee temo-thuo ka tlhoafalo mme e le yone e ka ba hirang le go ntsha dijo. Mokwaledi wa lekgotlana la Kabo Ditsha la Mogoditshane Rre Anthony Bashingi a re maiteko a go fefosa kabo ya ditsha kwa kgaolong ya Mogodisthane, a kgorelediwa ke seemo sa kgolo yabo maipaafela mo go tsweletseng ka go gola kwa kgaolong eo. A re ba dirisitse didikadike di le masome a mararo le bobedi mo dithusong tse di farologanyeng tse di lebaganeng le ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng lefatshe ka bophara A re fa temo e ka tshwaraganelwa ke botlhe mo lefatsheng leno go akarediwa banana le bagodi, lefatshe leno le ka ntsha dijo tse di lekaneng mme la emisa go ikaega ka dijo tse di tswang kwa mafatsheng a sele. Ka jalo, o ne a kopa banana go ikemela ka dinao go supa fa ba kgathala ka tse di ba amang. Banni ba Tewane ba dumelane go tshwara phuthego ya kgotla kgwedi ya Phatwe e le lesome le botlhano go leka go rarabolola kgotlhang fa gare ga boeteledipele jwa motse wa bone. Kgosi Segotsi o tlhalositse fa ele keletso ya mmuso go bona Batswana ba tsenya lotsogo mo ditirong tsa bopelotlhomogi ka go thusa bao b aba tlhokileng lesego mo botshelong. O supile fa dikgang tse di tshwanang le tse di baya bana ka fa mosing bogolo jang fa go tsena mo go tsa thuto le botsogo. Mme Samakha a re o ithutetse tlhokomelo ya dibuka tsa madi, go bopa le go kwala sese dirilweng tsatsi le letsatsi ka thotloetso ya ga e golelwe. Kaodimba o ne a belaetsa - mosupi A re ba ba thusitsweng ba ne ba kopiwa go epa mahuti fa moagi a ne a duelwa. Tlotlang pina ya setshaba E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Mogonono ka Laboraro, a kopa batsadi go leka ka natla go fetola seo ka go tsaya boikarabelo mo thutong ya bana le go ba tshwaraganela le barutabana. Tshesebe o ipaakanyetsa go baya kgosi O ne a tlatsa ka go re o kopile gape gore ba mo thuse ka teseletso ya go gweba ka matlalo a diphologolo, ntswa go tsaya lebaka gore ba mo fe phetolo. Mme Kesianye a re ba tshela ka go kopa go dira meriti le go gatisa mo dikoleng di tshwana sekole se se golwane sa Mmadinare. A re balemi ba, ba kwa ga mothakga ka jaanong ba sa tlhole ba tshwenngwa ke motlhwa mo masimong a bone. O supile fa a le mongwe mo go bone a ne a fitisetswa kwa sepateleng sa Marina, mme ba bangwe ba ne ba alafelwa dikgobalo tse di potlana mme ba ntshiwa lone letsatsi leo. Kotsi e e diragetse bosigojwa Labotlhano (Phatwe 14) mo kgotleng ya Mokgobelele morago ga gore koloi e latele bana faba neng ba tshamekela teng mme ya ba thula, go ya ka dipego tsa ba bona tiragalo eo. Rre Makwaeba o rile lefa tsela ya A1 e ageletswe e bile ba sepodise sa pharakano batsamaya le tsela eo kgapetsakgapetsa go ela tlhoko bakgweetsi ba ba sa obameleng matshwao a tsela, o tshwenngwa ke dikgomo le ditonki tse di hulang mo tseleng eo ka ele tsone tse gantsi di bakang dikotsi masigo le batho ba ba kgweetsang ba iphitisitse dino. Ka jalo kgosi a tlatsa ka go tlhalosa fa mo nakong ya gompioeno go sa tlhole go lemelwa go jela mo ganong, mme go lemelwa kgwebo. A re dipatlisiso di supile fa go le thata gore batho ba emise kgokgontsho fa ba sa bone bogakolodi jo bo rileng kgotsa tshidilo maikutlo. Ipabalelo tseleng ke ya batho botlhe Ba kopile gore mo sebakeng go santse go sekasekwa ditharabololo, barutabana ba letlelelwe go isa baithuti ba matswatseleng kwa dikgotleng go kgwathisiwa, ka ele tsone di filweng tetla ya go kgwathisa, mme seo se dirwa go setswe morago tsamaiso. E rile a tsibogela matshwenyego a, mogolwane wa lephata la diphologolo le makgabisa naga kwa Masunga, Rre Malatsi Mamane a rotloetsa banni go lwantsha ditholo ka e se diphologolo tse di borai. Mme Nkgokolo Kesweditse o ne a kopa puso go bona gore e gagamaletsa bana molao ka ba dule mo taolong. A re puso e ikaelela go isa ditlamelo gautshwane le batho, ke sone se dikokelo di le 543 mo go tse 700 mo lefatsheng leno di fa batho dithuso tsa di ARV. A re fa go nna jalo, bareki ba felela ba reka dilwana tse di tswang kwa mafatsheng a a mabapi ka barekisi ba mafatshe ao ba reka letlalo ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase mme se se dire gore ba rekise dilwana ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. Fa a akgela, mothusa kgosi kgolo ya Bakwena, Rre Norman Garebakwena, o akgoletse Kgosi Kgari go tsibogela seemo se, a re o lebogela gore madi a borutabana a santse a le mo ditshikeng tsa gagwe jaaka a lemogile botlhokwa jwa thuto mo baneng gonne ke bokamoso jwa lefatshe la Botswana. Dinotshe di bogadi bo gaufi Fa a itebaganya le balemi, o ne a ba rotloetsa go tlhokomela masimo a bone go tloga ka nako ya temo go fitlha ka nako ya thobo, a re ba tshwanetse go lemoga fa puso e dirisisa madi go ba tlamela ka tsotlhe tse di tlhokegang mo temong di akaretsa menontshane, dipeo le gone go ba duelela ditema. Ba madi le bone ba ne batlhalosa ka fa dituelo di solofetsweng ka teng gore ba buse madi ao ka ke one a thusang bao ba ba letletseng go thusiwe kafa tlasa ga lenaneo leo, mme fa motho a tudisa golefisiwa lesome mo lekgolong la madi a a duelang ka kgwedi. Rre Mbise o ne a lela gape ka gore kgwebo ya gagwe ga e kgone go tshegetsa badiri nako e telele ka go bo e sa kgone go ba duela dituelo tse ba di eletsang; lebaka e le lone la dipoelo tse di kwa tlase. Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri bosheng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Kumakwane Rre Moreri Phia a re o itumelela maiteko a a dirwang ke puso go namola Batswana mo lehumeng. Rre Thiite a re diphetogo tse di tlaa thusa Batswana go ka dirisa ditsha tsa bone go adima madi mo makalaneng a a farologaneng a puso, a a ikemetseng le go dirisa mananeo a tshwana le la SHHA go tlhabolola ditsha tsa bone. Molaodi o ne a gatelela ka gore ka nako eo go ne ga felelediwa mananeo a a neng a le teng mme ga seegelwa fa thoko a a neng a ise a simololwe. E rile fa a lekodisa sebui sa tlotla modulasetiolo wa komitiya balemi Rre Boitumelo Tsebekgale a supa fa ba nnile le mathata fa go tsenngwaterata ya go kgaoganya mafudiso ka se se ba tsere lebaka mme le jaana ba ise bafetse. O sedimoseditse batsena bokopano joo ka mosola wa go nna le thulaganyo ya tse di ka buiwang mo bokopanong, a re moono ke go tla ka matshwenyego a ba kopanang le one le ditharabololo. Mo go tse dingwe, kgosi o boletse gore ngwana ke ngwana o ithuta tse di molemo le dilo tse dintsi mo lwapeng. O tlhalositse fa go sena ka fa go ka tsenngwang dipone tsa mekgwatha mo ditseleng tsa kgotla ya gagwe ditsela di ise di tshelwe sekontere. A re ka e bile theko ya dikgomo e setse e tsile mo kgaolong ya bone, barui ba tshwanetse ba tshwaya dikgomo tsa bone mme e bile ba seka ba nna lebaka ba sa ye go tlhola dinamane tsa bone kwa merakeng. Borre ba kereke ya United Congregational Church in Southern Africa (UCCSA) ba ne ba kokoane kwa Jwaneng ka mafelo a beke mo bokopanong jwa go seka-seka seabe sa bone ele borre. Banni ba rotloediwa go itlhatlhoba Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa go na le bomme ba ba kgokgontshang borre mme boammaaruri ke gore bokete jwa kgokgontsho bo le mo go bomme. A re e ne ya re a santse a tshwere ka thata a dirisa didirisiwa tsa ga rraagwe, ofisi ya boipelego ya mothusa ka thulaganyo ya nyeletso lehuma ka go mo rekela dishaga le di dirisiwa tse dingwe tse di botoka mo go tse a neng a di dirisa pele. A re gape se se tshwenyang thata ke gore dikgaolo tseo fa di tlhongwa di ngatha didirisiwa le babereki mo kgaolong eo mme e sale e le letlotla. Ka jalo a re borukutlhi bo gola thata mo metseng e tshwana le oo ka o le mogolo. Fa a ama tsa botlhoka tsebe o ne a kaya fa bana bangwe ba senya dikago tsa puso mme seo e le poelo morago go di baakanya ka go na le ditlhabololo tse dingwe tse khansele e itebagansteng le tsone, mme a kopa batsadi go kgalemela bana ba bone. O tswelela a re ,ke tsholofelo ya bone gore tsamaiso e ntsha e tla dira gore dikoloi di baakangwe ka bonako mme se se tokafatse go isetsa batho ditlamelo. Dr Setlalekgosi a re, la bofelo fa a tlhola ba CTO go ne go nale di dikoloi di le 443 tsa lephata la gagwe kwa teng , 188 ele di amulense, seemo se a reng se gomagometsa go phutlhamisa ditlamelo tsa botsogo tsa setshaba. Paka ke ya bobedi dikoloi di leba kwa Letsholathebe, dikhilomithara di le boferabobedi go tswa Masunga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, go ya go bapala phane. A re se mokgatlho o se dirileng ka go abela bana ba ba tshelang ka bogole dikolotsana se tsamaelana thata le se Morena Jesu a neng a tshela a se dira fa a bona batho ba raletse diemo tse di thata. A re ba dirile thumalano le ba kabo ya lefatshe go abela bakopi lefatshe. Ba boletse mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke Kgosi Obusitse Medupe wa Sepalamoriri kgwedi eno e le lesome gore fa e sale ngwaga ono o simologa, ke bana ba roba bongwe ba ba neng ba latlhelwa mo matlwaneng a boitiketso, fa ba bangwe ba phuagantswe mo ditseleng morago ga go tsholwa. A re kago ya kereke eo kwa Mabutsane e simologile ka ngwaga wa 1994 e simololwa ke lekgotla la banana ba epa mosele selo se a se lebogetseng fela thata, a re e rile morago ga tiro eo ba sekete (branch) ya Mabutsane ba tsweledisa tiro ya kago, e a boletseng fa e tsere lobaka lo lo leele mme kwa bofelong ya wela, ya nna mo seemong sa go ka bulwa semmuso jaaka go diragetse. O tsweletse ka go supa fa ditlhwatlhwa tsa go golola leruo di ise di fetoge, mme kgomo e le nngwe e gololwa ka P2.50 fa dihutshane,dipitse gammogo le dikolobe di gololwa ka P1.50 go ya ka temana ya bosupa ya molao wa matimela. Mme Ranthoakgale o ne a kopa bakgweetsi gape go fokotsa mesepele ya bosigo ka go bereka nako ee feteletseng ba gabile madi, A kaya fa seo e le sone se gantsi se bakang dikotsi mo dikoloing tsa puso. A re dingwe tsa tsone di tsenela kwa dikgotlaneng fa tse dingwe di tsena ka matlhatso; mme seemo sa go nna teng ga banana ga se fetoge. A re se se ngomola pelo ka jaana ba na le kitso e e tletseng ya thibelo ya malwetse a tlhakanelo dikobo, mme go lebega ba sa batle go fetola boitshwaro jwa bone, fa ba bangwe ba tlhalosa fa ba tlhabiwa ke ditlhong go tsamaya le bakapelo kwa bookelong. Baeteledipele ba a kgalema Kgosikgolo o ne a akgolela Kgosi Ponatshego go etelela morafe ka botswerere mme a ithotse marapo go sena manganga. Sengwe se se supang fa ele ruri tsela e budule ke go bona batho ka bongwe ka bongwe, makgotla a ikemetseng ka nosi le dikompone ba eme ka dinao go thusa puso go namola Batswana mo lehumeng le go dira tsotlhe go tlhabolola matshelo a batho. Tsayang thuto ya bana tsia E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kgolo kwa Maun bosheng, Kgosi Kealetile a tlhalosa fa a amogela Rre Dithapo ka tsoo pedi mo boemong jwa kgosi kgolo le morafe. Ka bokhutshwane, sengwe le sengwe se se ka rontshang motho nonofo le taolo e a nang nayo se supa kgokgontsho le kgatelelo, a tlhalosa. A re lenaneo le, le namotse batho ba le bantsi mo lehumeng la nta e tshetlha mme e bile maduo a lone a a bonala. Khansele potlana ya Bobirwa e ntsha pego Mme Gabotlhakanelwe o ne a supa fa tirisanyo ya batho ba Moshaweng e le ya maemo a ntlha ka ba ne ba nna dipelo ditelele ka dinako tse di thata fa ba fudusediwa kwa lekgotleng la kabo ditsha la Thamaga. Rre Nkaigwa o tlhalositse fa go utlwisa botlhoko gore Batswana ba bo ba santse ba le maoto a tshupa gore ba dirise mananeo, mme seemo sa botshelo se supa fa go santse go supagala gore ba kabo ba tshela jaaka ba tshela. Mokhanselara Lesole o kgala go ikgagapelela DailyNews Mme Gaamangwe a re ntlwana e, e tlaa ba thusa go alosa bana ba ba kgonang go gaisana le ba bangwe lefatshe ka bophara le go ntsha maduo a tlhwatlhwa, a supa gore ngwaga o o tlang ba tlaa simolodisa mophato wa bananyana mo sekoleng seo. Baithuti ba sekolo se sebotlana sa Monwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba re ga ba itumelele seabe sa batsadi mo go rotloetseng thuto ya bone. Erile mookamedi wa kereke eo mo kgaolong ya Ghanzi, moruti Goemeone Mothibi a ntsha lefoko la kgothatso, a kopa maloko a kereke eo go nna batho ba ba itshepileng gore mowa wa lorato o bonale mo go bone, a gatelela ka gore kereke ke lefelo le le boitshepo, mme botlhe ba ba tlang teng ba tlaa segofala fa ba rapela ka tlhwaafalo. Mme Mpetsane a re ditante di le 14 di setse di abetswe batho go thusa ba ba amilweng ke dibetso tsa tlholego, a tlatsa ka go re komiti ya dibetso tsa tlholego ya kgaolo e tsweletse ka go dira dikanoko. A re thutuntsho eo, e ba tswetse mosolo ka maduo a yone a bonala. Are bana ba tshwanetse go supegediwa tsela fa ba fapoga. Rre Ramogapi o ne a supa fa khansele e tsweletse ka go tlhabolola bana ba dikhutsana ka go ba isa kwa mafelong a a faphegileng go ya go ba rutuntsha jaaka ba ne ba isa ba le 35 kwa Khwai, kwa lefelong la diphologolo la Moremi, kwa ba neng ba rutwa go bala le go kwala teng. Ba re go ngomola pelo gore e bo lefatshe la bone le le mo diatleng tsa batho ba ba tswang kwa dikgaolong di sele le ntswa borabone mogolo ba ne ba le somaretse ga mmogo le matlotlo a lone. O gakolotse setshaba go itse fa tsamaiso ya dikgolegelo e le go aga sesha ba ba otlhailweng ke makgotla a ditsheko mme ebile kgotla tshekelo e le yone e tlhomamisang lebaka la kgolegelo e setse molao morago. A re puso e tsere tshwetso ya gore dikago tshotlhe, go balelwa le matlo a badirela puso a tsenngwe motlakase. A re ope fela yo o nang le mpho a ikwadise, a tlatsa ka go re ba ntshe le megopolo ya gore letsatsi leo le ka tshwarwa ka tsela e e ntseng jang. Le nna ke santse ke le fa ka mabaka a gore ke setse morago motlhala o o bonalang. Rre Autlwetse a re, Pitsa e budule, ke nako ya gore e tsholwe. Batlhophi ba kgaolo ya Nata/Gweta ba kopilwe go tlhopha ntlhopheng wa bopalamente wa Botswana Democratic Party (BDP), Rre Polson Majaga ka e le ene a ka emelang dikeletso tsa bone. A re ke sone se kereke ya kgaolwana ya Radisele ya UCCSA e se dirang ka dinako tsotlhe mme se supa boineelo mo tumelong le gore fa badira jalo, Modimo o tlaa ba okeletsa gore bafitlhelele maikaelelo a bone. Mme Khubu o tlhalositse gore o ne a rutwa gore dinotshi di tshwarwa jang e bile di nale mosola ka di dira tsina, e e nang le dipoelo. Mme Motanzi o rotloeditse basetsana ka ene go itshepha le go nna le tumelo mo go se ba eletsang go nna sone mo botshelong, a supa fa e le bone bomme ba kamoso. Baithuti ba pele ba Matsha ba gopola balwetsi Mme Tauetsile a re mabaka a mangwe a ba kopanang le one ke gore bangwe ba supa fa ba na le bakapelo ba le bantsi. Gape o tlhalositse fa komiti ya ditlhabololo e tshwanetse go nna mokwatla wa gagwe, e mo lekodise e bo e mo thuse go tlisa ditlamelo tse di ka tokafatsang matshelo a batho mo motseng. Rre Venga o ne a gape a supa matshwenyego a go tlhaela ga didirisiwa tsa botsogo di tshwana le dikausu tsa itshireletso le melemo mo dikokelong. Rre Molosiwa a re khamphani e e dirang metsi le yone e tsweletse mme go rotloediwa makalana a puso le a a ikemetseng go reka kwa go bone gore e kgone go gola e bo e ka thapa badiri ba le bantsi. Ba supile seo mo phuthegong ya kgotla e tona a neng a e buisa kwa motseng oo bosheng. Ke sone se tlhokomelo mo ngwaneng e leng konokono go bona gore o ya sekolong a ipaakantse le gone fa a tswa sekolong motsadi o bona tiro ya gagwe. Tona Kgathi a re puso e boloditse lekoko la matona a puso a le matlhano, mme ene o patilwe ke Tona wa tsa Temo-Thuo Rre Patrick Ralotsia le Tona wa Ditsha le Matlo Rre Prince Maele go lekola boleng ja molelwane wa Botswana le go utlwa matshwenyego le go kopa megopolo go bona gore seemo se se ba lebaneng se ka rarabololwa jang. O boletse fa boikarabelo jwa go sireletsa diteemane e se jwa babereki ba meepo ya Debswana fela, mme ele jwa Motswana mongwe le mongwe. Rre Babitseng a re lefatshe la dipolase tsa thuo lone le bonwe kwa Kweneng Bophirima kwa le gone go segilweng dipolase di le lesome le botlhanao tsa thuo. A re puso e tsweletse ka mananeo go leka go lwantsha dikgwetlho tse di amang ditlhopha dingwe mo setshabeng jaaka bagodi, ba-na-le bogole, bana ba dikhutsana le masiela, a tlatsa ka go re puso e tlaa tswelela ka go itela mo dikomponeng le setshaba go thusa. Fa a bua kwa kgotleng kgolo ya ga Ngwakletse bosheng, Rre Moahi o boletse gore ba ne ba beile bangwe leitlho mme ka go tlhoka lesego batho ba teng ba supile fa ba sena kgatlhego. Go betla go tswa goo Lowe O tsweletse a re ga go ope yo o eletsang go berekela kwa kgaolong ya Ghanzi, mme le fa go ntse jalo Rre Mohube a re ba leka go itebaganya le dikgwetlho tse b abo ba ntshe maduo a ba ka a kgonang. Ngwaga tse tlhano tsa bo di lekane gore bobedi jo bo ka ikemela ba le nosi. E rile a araba banni mabapi le leobo la kgotla, mokwaledi wa makgotla a Setswana, Mme Sinikiwe Matiha a supa fa go baakangwa ga maobo a kgotla go le mo maruding a morafe. O tlhalosa fa bagolo ba ne ba na le boitseanape jwa go betla matlapa a a neng a dirisiwa go dira ditiro tse di farologaneng mo nakong eo. Rre Tsela a re le fa moletlo wa bone o tsamaile sentle, go na le dikgwetlho tse ba neng ba kopana le tsone mo thulaganyong ya one, segolo jang go tlhoka barotloetsi. Ba kopa diofisi tsa kgotla Mogwebi yo, a re le ntswa kgwebo e e na le dikgwetlho, o ikemiseditse go di tila ka methale yotlhe gore e atlege. A re keletso ke go bona mokgatlho o tsweletse pele e bile le dipalo tsa bomme ba ba kopanang le seemo se se bakileng gore ba simolodise mokgatlho di fokotsegile. Lenaneo la A re go a tshwenya gore fa batho ba fiwa mananeo a puso go ithusa go bo go na le bangwe ba ba sa a diriseng, ka se se busetsa puso morago mo maitekong a yone. Mme Mugonzo o tlhalosa fa dikgwebo ka bontsi di ne tsa itemogela koketsego ya letseno ka bontsi jwa batho jaanong ba ne ba tla go reka dilwana mo lebentleleng leo, mme ba fete ka bone go reka tse ba di rekisang. Kgosi Gomolemo Omphile, go tswa kwa Kgotleng kgolo ya ga Mmmangwato, o lebogetse baagi ba kgotla ya Talaojane neelano mo tlhophong ya kgosi ya bone. Fa a bua kwa moletlong mongwe kwa Maun bosheng, Rre Elias o ne a gwetlha batsadi go tlhokomela bana ba bone ka lerato. Mo mafokong a tebogo, mopalamente wa kgaolo Rre Prince Maele o akgoletse banni ba kgaolo ya gagwe go tsibogela pitso ka dipalo tse di kwa godimo jalo. O supile fa motse wa Lepokole e le mongwe wa e e ka ngokang bajanala ka e na le dithaba tse di nang le ditshwantsho tsa batho le diphologolo.A re noka ya Farm mo Bobonong ke nngwe ya tse di se keng di kgala.O supile fa setlhare sa mophane se se ratwang bobe ke seboko sa phane se le sentsi mo kgaolong ya Bobirwa ka kakaretso, a tlatsa ka go supa fa bontsi jwa Babirwa ba itshetsa ka phane. Moteledipele wa lekoko le le tlhomilweng go etelela pele kgang ya bogosi jwa Shoshong Rre Matlotlo Ramokwena, a re e re ka tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Peter Siele le motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato Kgosi Sediegeng Kgamane ba sa kgona go rarabolola kgang ya bogosi ka nako e e tshwanetseng jaaka Tautona a ne a laetse, jaanong ba dumelane go dira dipopelelo tse di tlaa felelang ka go neela molaodi wa kgaolo ya legare Mme Thobo Mapitse lekwalo la dingongorego. Boitumelo e ne e le jo bo sa laolesegeng fa barutabana ba bonana le bakaulengwe ba ba sa bolong go kgaogana le bone morago ga go tlogela tiro. O tlhalositse gape fa go tlaa nna go tswelelwa go tlhatlhojwa go bo go botsolotswa botlhe ba ba gorogang ba tswa mafatsheng a sele. O lemositse botlhokwa jwa LEA, a gatelela ka gore fa motho a eletsa go tsena mo kgwebong mme a sa feta ka LEA o a bo a sa itirela sentle mme a kopa banana ba ba nang le keletso go simolola kgwebo go inaakanya le LEA. Maloko a Spirit Embassy ba ne ba phepafatsa matlo a borobalo a a neng a amegile. A re go dira jalo ke tlolo molao e Batswana ba tshwanetseng ba e hema ka dinako tsotlhe, a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba sala morago tsamaiso e e leng teng go thapa batswakwa. Kgosi Hetanang o ntshitse matshwenyego a mo potsolotsong bosheng. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Motsiele Tsiane o rotloeditse morafe wa gagwe go itirela dijo le gone go tsosolosa moletlo wa go ipelela thobo gonne go dira jalo go tlisa mowa wa tirisano mmogo, tshwaragano le tswelelopele ya motse. Rre Kgathi a re gompieno bana ba tla bo ba bereka ba le mo tlhokomelong ya batsadi ba bone mme e bile go sa tlhokafale gore ba hirise matlo. A re kwa Nata kgwebo ya matlo a boroko e sa ntse e tlhaela ka jalo a kopa puso go thusa batho ba kgaolo eo go ikopela ka bone ba sa ntse ba na le tshiamelo. Assistant Keagetswe Lorato o supa fa molao o sa tseele batsadi ba ba latlhelelang bana ba bone dikgato, mme a supa fa go itlhokomolosa ngwana, go sa supe setho. E ne e rile go le pele, molemisi wa kgaolo eo, Rre Onious Ncube a supa fa balemi ba kgaolo ya gagwe ba lemile diekere di le 2364.65 tsa dimela tse di farologaneng di akaretsa mabele, mmidi, lebelebele le dinawa. Lekoko leo, le le eteletsweng pele ke Kgosi Medupe le akaretsa Rre Gomolemo Baoliki, Mme Oageletse Khunong le Mme Tamabuya Moeng ba e tlaa reng kgwedi eno e le lesome le bone ba buise phuthego go lekodisa morafe ka thomo ya bone. O supile fa komiti nngwe le nngwe e tlhoka banana mme a re sebe sa phiri ke gore ga ba tsene diphuthego. Bobedi jo, e bong Rre Lopang Moanaphuthi wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabobedi le monnawe Bonolo Moanaphuthi wa dingwaga tse di masome a mabedi le borataro, ke bangwe ba Batswana ba ba dumelang gore lefatshe leno le na le meamusu ya khumo e e nonneng e batho ba ka tokafatsang matshelo a bone ka yone. Rre Lenkokame o kaile fa ba ne ba remeletse thata ka go ruta le go gasa molaetsa mo dikgannyeng di akaretsa tiriso botlhatswa ya nnotagi, mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS, molao wa bana wa 2008 ka go etela dikole di karetsa sa Bokspits, Rapplespan, Vaalhoek le Struizendam go simolola ka lokwalo lwa bone go fitlha mo go la bosupa. E re dikgang di eme jalo, Kgosi Nkgageng o tlhalositse fa tirisanyo ya bone le ba sepodisi e le e e nametsang,a bolela fa ba tlaa tswelela ba dira ka gotlhe mo ba ka go kgonang go itepatepanya le go fedisa borukutlhi. Le fa go ntse jalo, mmueledi wa mosekisiwa, Rre Yul-Sharar Moncho wa YS Moncho a re Zulu ga a a tshwanela go rontshiwa tshwanelo ya go leta tsheko kwa ntle ka mabaka a e seng nnete a go tlhoka go ithulaganya ga bosekisi. O tlhalosa fa kgwebo ya gagwe e na le mosola mo morafeng ka gore go le gantsi ditlamelo di tshwana le go dira dipampiri tsa dithulaganyo tsa phitlho di ntse di dirwa kwa Mahalapye, mme kgwebo ya gagwe e fokoleditse batho mosepele wa go latela tirelo e kwa ntle. O supile fa a godile fela a sena kakanyo ya go ka bopa mme mogopolo o, o ne wa mo tlela ka ngwaga wa 2006 fa a ne a itirela mekgabisa ya mo lwapeng fela. Mosupi wa mongongoregi mo tshekong ya go ngongorela maduo a ditlhopho, Rre Oitisitse Dikhuhang a re le fa a sa utlwa se se neng se buiwa ke mongwe wa leina la Rre Bajeleng Kaodimba o belaela gore o ne a leka go bapatsa phathi ya Domkrag ka letsatsi la ditlhopho. O tsweletse ka go supa fa letlhoko la matlwana a borutelo e le bontlha bongwe jo bo sa ba jeseng diwelang ka go na le bana ba ba kopanelang matlwana a borutelo mme go nne mosuke fa ba bangwe ba rutelwa ka fa tlase ga ditlhare. Fa a ama bogadi jo bo ntshediwang mme fa a tsena mo nyalong, Kgosi Bimbo are pele boora monna ba ka simolola tiro ba tshwanelwa ke go ya go kopa tsamaiso ko go boora mosadi mme ba e sale morago go fitlhela thulaganyo yotlhe e wela. O akgoletse Rre Williams yo eleng monna wa gagwe go ba thusa mo go kopeleng bagodi ba kereke eo dimpho tsa diaparo, dikobo le melora e tlhapang. Bana ke bokamoso jwa rona e bile ke baeteledipele ba rona, jaanong fa re sa ba gakolole re a itatlha, a tlhalosa. O gakolotse batsadi go isa bana kwa kgotleng, a bolela gore go na le lenaneo le ba agang ngwana yo o sa utlweng. A re puso e tsere tshwetso ya go simolodisa lenaneo la go aga matlo a dikole bogolo thata a boroko jwa barutabana le a borutelo ka lenaneo la Bag-log-eradication le dingwe ditiro tse di neng di le mo lenaneong la ditlhabololo tsa bolesome. O boletse fa mo kgaolong potlana ya Serowe, ba kwadisitse masiela le batlhoki ba le 1 434. Mookamela lephata la dikgolegelo, Colonel Silas Motlalekgosi, a re lephata la gagwe le tlaa simolodisa thulaganyo ya go ruta setshaba ka tsamaiso ya dikotlhao go hema dikgang tsa gore dikgolegelo di golola batho pele ga lebaka le le beilweng. A re go bopiwa ga nkgo go tlhoka matsetseleko ka fa gongwe nkgo e kgona go thubega e setse e fedile ka le baka la mogote o montsi fa e setse e fisiwa. Mopalamente wa Ghanzi Bokone a re tshwaragano le tirisano mmogo ke yone tsela le boammaruri mo go tsiseng ditlhabololo mo kgaolong ya bone. Moruti Puisano Tsintsabe wa kereke ya UCCSA mo Tsabong e ne ya re a ntsha la gagwe la kgothatso a nopola mafoko a a boitshepo mo lokwalong lwa ga Genesi wa ntlha temana ya ntlha go ema ka ya botlhano. Rre Mmereki o ne a tlhalosa fa a itumelela gore go na le batsadi ba ba setseng ba kgona go dira jaaka ene ebile a ba kgothatsa go tswelela ba dira jalo. Mo go tse dingwe, Rre Batshu o ne a bolela fa terena ya setshaba e boela mo tirisong ka kgwedi ya Moranang mme go tlaa nna le diphetogo tsa mafelo a e tla tsamayang e ema mo go one. Bangwe ba a betla ba bo ba rekisa fa bangwe ba betla fela go dirisa tse ba di betlileng mo malwapeng. A re ba ka seke ba bone dimpho tsa go nna jaana fa ba goga dinao. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Molepolole ka Mosupologo, Rre Phuthe o ne a gakolola gape fa ditsha tsa kgwebo di duelelwa ngwaga le ngwaga, mme a bua fa beng ba tsone ba ntse moriti o tsididi. Rre Ntshwabi yo o dingwaga di masome a mabedi le boferabobedi, a re o simolotse kgwebo ya gagwe e e bidiwang Ntshwabi Shoes Holdings kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga o o fetileng ka dipodi tse dinamagadi tsa Setswana di le masome a matlhano le boferabobedi le diphoko di le nne tsa mofuta wa boer goat. A re bangwe ba felela ba bolelela ba ba agetsweng matlo gore le bone ba na le tshwanelo ya matlo a a agilweng ao. Seretse o itumelela kgatelopele Rre Sebigi o tsweletse a tlhalosa gore bomme ba na le bothata jwa go tlhoka go itsaya ka tlhwaafalo dinako tse dinngwe. Ba ne ba boa ba kopa mopalamenete go bua le puso gore e ba tsenyetse motlakase le tsela ka go lemosegile e le tsone tse di okang bagwebi. Fa a tswa la gagwe, molomaganya ditiro wa lephata la banana, metshameko le ngwao mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Boikarabelo Diane o ne a supa fa go bereka ba bopagane, ba le seopo sengwe le gone go tsaana ka tekatekano e bile ba gakololana e le badiredi ba kgaolo, e le gone go nnileng le seabe mo go reng ba bone maemo a a itumedisang ao. O kopile balemi go somarela bokgola ba dirisa ripara ka e bile e thusa gape le go thuba legogo le le ikadileng kwa tlase ga mmu. O tlhalositse fa lenaneo le tswetse phatlha e e neng e le teng fa gare ga batsadi, barutabana le baithuti ka a re fa go na le phoso e kgona go lemosega ka bofefo, a tlhalosa gape fa motsadi a tshwanetse go tla sekoleng setlha sengwe le sengwe go bona ka fa ngwana a tsweletseng ka teng. Rre Osenotse o ne a tswelela a kopa balemi go ikwadisetsa temo le dipeo ga mmogo le beng ba diterekere go sa le nako. Dipaakanyo tsa boipuso di tsweletse sentle A re mo go baka gore ngwana a felele a ja megare e e mo matsogong a gagwe. O ne a kopa bagolo ba motsewa Manaledi go ruta banana ba motse go dira dinkgwana tse di dirwang kwamotseng oo ka di ka thusa go tlhabolola matshelo a bone. Amogo le matlhapa a kwa dipotong. Moruti Khan a re Modimo ga o rate dilo tse, ke sone se pula e ganang go na. A re bomme ba na le seabe se setona mo go ageng malapa ka jalo ba tshwanetse ba ikaega ka tumelo nako tsotlhe ebile a rotloetsa borre go ba ema nokeng ka nako tsotlhe gore ba kgone go kopanela tiro eo. Rre Kgopana o tlhalositse fa lenaneo leo le akaretsa bana ba ba tlodilweng ke sekole e le tsela ya go ba suga gore ba nne mo seemong sa go tsena sekole. Phutho matimela e tsweletse E rile Rre Mofita Sekgweng le Rre Gasone Lesonya ba buisa phuthego eo, ba tlhalosetsa banni ba Bokaa fa khamphani ya Machaena e e neng e thapetswe go gokela diphaephe tsa metsi mo Mahalapye e wetsa tiro kgwedi eno e ya fifing. Setlhopha sa Gareng ga Dithota sa Khawa se ne sa ikgapela maemo a ntlha, sa lomiwa serota ke sa Trek e Ding sa Vaalhoek, maemo a boraro a gapiwa ke ba Speel ga Nog go tswa kwa Bokspits fa maemo a bone a tserwe ke ba Kalahari Dancers go tswa kwa Struizendam. Mme Ramaribana a re bana botlhe ba tshwanetse ba fiwa thuto go sa tlhaolwe ope ka popego. Batsadi ba rotloediwa go tsaya karolo mo baneng Rev Setlalekgosi a re Re tlhophile mediro ya dikoloi e e tshepagalang mo lefatsheng la rona, mme re solofela fa se se tla thusa go rarabolola matshwenyego a dikokelwana tse di ntseng lobaka di sena dikoloi. A re lephata la gagwe gape le batla go ipaakanyetsa dikago tsa lone ka gonne go tsaya lobaka gore lephata la dikago le baakanye dikago. Rre Ganetsang le mohumagadi wa gagwe Mme Collen Ganetsang ba ne ba ngomolwa pelo ke seemo sa bana ba ba bo maipaafela ba ba gobeyang mo marekisetsong a toropo ya Jwaneng ,ba a ja mo ditankeng tsa matlakala, ebile ba sa tsene sekolo. A re setlhopha sa bone ke mmamoratwa mo kgaolong ya Legare, a supa fa ba lalediwa go diragatsa mo medirong ya makalana a puso le a a ikemetseng ka nosi ka go farologana, a tlatsa ka gore ngwaga le ngwaga ba tsena dikgaisanyo tsa malatsi a ga tautona tsa bodiragatsi. A re fa bana bao ba ba botsa gore ke ka goreng ba dira jalo, ba bolela fa batsadi ba sa ba tsisetse dilwana tse ba di tlhokang, fa bangwe mo go bone ba ngwega ka lebaka la gore ba ya kwa diphitlhong tsa ba masika a bone, tse mo gongwe ebile ba ba tlhokafetseng ba sa amane gope le bone. Mme Ramsden o buile jalo mo moletlong wa ‘Girls and ICT’ o o neng o tshwaretswe kwa Annes Park kwa Selebi Phikwe bosheng. Batlhophi ba ne ba eleletsa mopalamente wa bone katlego mo tlhophong ya gagwe ya AU ba re a Modimo o mo segofatse. A re morago fa go sena go itshielwa go nna tlhakatlhakano mme ditiro tsa botlhokatsebe di golele pele. Mopalamente o boleletse banni fa ba tshwanetse go emela ditlhabololo tsa metse ya bone ka dinao. Rre Dithonamo Motsamai e le mogolwane wa motse, o ne a tlhalosa fa ba ne ba kopanela morero le morafe wa Lesenepole jaaka bogosi jwa ga Mmamangwato bo ne bo kopile, mme morafe wa tswa ka maina a le mabedi a dikgosana tsa tetlanyo, ebong Rre Ikalaheng Senwedi le Rre Kgosiemang Kebuamotse. O ne a wetsa ka go re a tlotle morafe gore le bone ba mo tlotle, a reetse tsotlhe tse ba di mmolelelang, ka go twe mafoko a kgotla a mantle otlhe. A re gore seo se kgonege, go botlhokwa gore melawana ya ditsamaiso e nne teng go rurifatsa tshimolodiso le go nna teng ga Trust Account. Mme Lesole o buile jaana bosheng jaaka sekole se segolwane sa Maunatlala se ne se rolelwa dikago tse di sa tswang go wela tse di neng di agwa ka lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP ke ba lephata la thuto go tswa kwa Gaborone ba ba neng ba tlhokometse kago eo. Fa a araba, mopalamente o boletse fa puso e leka go bona gore molao o a baakanngwa gore fa mogwebi a fitlhelwa ka leruo le a le rekileng e le la bogodu a tseelwe dithoto tse di dirisitsweng go utswa leruo. Balemi ba gakolotswe go adimana
 masimo Mme Molamu o supile fa bontsi jwa dilwana tse a di rokang e le paka ya dikole mme a re khansele ya Kweneng ke yone e ba etleetsang thata ka go rekela bana ba metse e e kgakala le ditlamelo ga mmogo le ba masiela mo go bone. O kopile Batswana gore ba seka ba dirisa matlo a bone jaaka dipolokelo tsa madi mme ba dirise dibanka, a tlhalosa gore go a baya mo matlong go ka oka dirukutlhi. Ipapatso eo kgatlhanong le mogare e ne e ikaeletse go oketsa go itlhatlhobela mogare ga batshameki ba kgwele ya dinao le bolotloa ka e le metshameko e e nang le tatedi e ntsi. Mpho e ya paka e ile gape ya abelwa sekole se sebotlana sa Moletemane. A re bomme ga se batho fela ba ntsifatsang palo ya batho , ke batho ba ba nang le tebelopele, gape ba akanya. Modiredi wa ofisi ya ditlhopho, Rre Lebonetse Maifala o tlhaloseditse banni fa go ya go nna le matlhophelo a masha kwa kerekeng ya Head Mountain go fokotsa mosuke kwa Masedi. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti, Rre Simonda Masole o tlhalositse fa a kgotsofalela ka fa dipaakanyo di tsamayang ka teng mme e bile a dumela fa e tla re nako ya peo ya kgosi e goroga tsotlhe di bo di apere tshiamo. O ne a bolela fa komiti kgolo e tlaa tswelela e etela dikomiti tsa PTA mo kgaolong go netefatsa gore go na le tirisanyo mmogo fa gare ga di PTA, batsadi le barutabana, le go tsena diphuthego tsa bone go nete. A re go le gantsi batho fa ba na le mediro e tshwana le manyalo le mekete ka go farologana, ba reka bopi jwa borotho ba bo ba mo neela gore a ba apeele jaaka ba eletsa. Mokhanselara wa Bojanala mo kgaolong ya botlhopi ya Maun Bophirima, Rre Luke Motlaleselelo, o rotloeditse komiti ya ditlhabololo ya Xaxaba go tsaya tiro ya yone ka tlhwaafalo. Banni ba ne ba lemotsha tautona letlhoko la bone la motlakase mme mo go kgwiweng kgaba, mokwaledi mogolo mo lephateng la meepo, kgothetso le metsi, Rre Boikobo Paya, a ba tlhalosetsa fa mo bogompienong go ise go dirwe tshwetso ya gore go gokelwe motlakase kwa Qabo, a ba lemotsha fa motlakase wa marang a letsatsi e le one o puso e o rotloetsang go sa ntse go lebilwe seemo sa itsholelo gore se tokafale. A re go na le makgetho a le mantsi a bana ba tlogetseng sekole ka jaana go a bo go sena kgalemo ya botsadi. Dibui ka go farologana kwa moletlong wa kabo dietsele o o neng o tshwerwe bosheng ke sekole se sebotlana sa Mathiba kwa Maun di supile batsadi ka monwana di re ba na le seabe mo kwelong tlase ya maduo a dithuto tsa bana ba bone. A re go bo banni ba ne ba kaya fa mananeo mangwe a le bonya go goroga kwa go bone, fela ba nne pelotelele go felela ba nole mananeo ao moro. Bomme ba ba re ga ba ise ba nne le mathata ape mo tsamaong ya nako ka jaana ba na le merero, bopelotelele le kutlwano mo go se ba se dirang mme e bile gape ba eteleditse Modimo pele mo go tsotlhe tse ba di dirang. Bishop Jakobe o lebogetse neo e Modimo a mo e fileng ya go nna motlhanka wa letsomane la ga Jehovah, neo ya go fodisa makoa e a kaileng fa a sa e reka gope mme a tsetswe ka yone ebile a dumela e le mpho e e tswang kwa Modimong. E agilwe ka mmu e bo e rulelwa ka bojang. A re le ntswa ngwaga ono palo ya bajanalana ene e le kwa tlase ka mabaka a sejana sa lefatshe, letseno ke le le nametsang ka a sa lale ka tlala. Mme Diatla a re ba itumedisiwa ke lenaneo la nyeletso lehuma, mme sebe sa phiri ke gore le goroga ka bonya kwa motseng oo.A re go setse go rutuntshitswe bontsi ka go tsamaisa mananeo a a farologanyeng mme fela go abetswe ba le palo potlana, mme a kopa puso go potlakela go ba thusa. O ka atlholwa dingwaga tse tharo go ya kwa go tse supa mo kgolegelong, fa e le gore motho o itlhokomolosa dikgang tse mme a di bona, ga tswelela Rre Molebatsi. Rre Morakanyane a re kabo ya ditsha e tsamaisiwa ka molao, a tlhalosa fa go ikabela lefatshe e le molato, a tlatsa ka gore ba ya go sekaseka bomaipaafela ba metse, masimo, didiba le meraka, ba tsaya dipalo tsa bomaipaafela le gore ba ntse mo mafelong ao lebaka le le kae. O ne a tlatsa ka gore batsadi ba bana ba sekole seo ke dinatla, ka jalo a re o dumela le bana ba sekole seo e le dinatla ka ba kwatabolotse mo batsading jwa bone mme seo se tlaa tsisa maduo a a kgatlhisang. Mme Motemane a re balemi ba felela ba gasa ba tlhobogile temo ya ditselana. Puso e tlaa phimola keledi barui ba dikgomo tse di neng tsa a swa morago ga go busediwa ga dikgomo le dihutshane mo bontlheng bongwe jwa kgaolo ya Bokone Botlhaba jo bo neng jwa amiwa ke tlhagogo ya bolwetse jwa tlhako le molomo. Mme Rakgotla a re dipatlisisio tsa ngwaga wa 2017 di supile fa dipalo tsa batho ba ba tshelang ka mogare ba le 380 000, bomme ba le 210 000, borre 160 000 bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le bone ba le dikete di ferabongwe (9 000). Kgwetlho ke gore molelo o simolola kwa tlase, mme fa o tima fa godimo kwa tlase gone o ntse o tshwere fela, ga tlhalosa Mme Kachana. Mogolwane kwa ofising ya boipelego mo khanseleng ya Lobatse, Rre Thomas Mokgethi, o boletse gore mo lephateng leo ba itebagantse le matshelo a batho mo gae. Moruti Tsuaneng a re fa o jwala lerato o bo o na le tumelo ya gore letsatsi lengwe lerato leo le tlaa ntsha maduo a a molemo. Kgosi Radipitse o tsweletse a re seemo sa borukutlhi se golela pele. Ba dira ditlatla le difala e bile gape ba dira le dilo tse dintsi jaaka go roka ditlhako tsa dipolaseteke le go loga mebese. One gape a kopa gore ba direlwe fa ba tla tseelang teng ditlamelo tsa botsogo ka ba latela botsogo kgakala. O ba gakolotse go itshwaraganya le ene ka a ikemiseditse go ba direla. Mme Malema a re VDC e gweba ka matlo a le 19 a a tsentsweng motlakase le metsi gammogo le tshingwana ya merogo. O ne a tlatsa ka go re ba itemogetse gape fa bangwe ba felela ba phuaganya ditsha di sa tlhabololwa, selo se se bakwang ke tiego ya go thusiwa. A re batho ba dingwaga tse 18 go ya kwa godimo ba ye go ikwadisetsa ditlhopho ka nako e e beilweng le gore ba rurifatse gore bo Omang ba bone ga ba na go felelwa ke nako ba ise ba kgone go ikwadisa ka molao o mosha o re ikwadiso e nna gangwefela. O tlhalositse fa a ikaelela go inaakanya le mananeo a puso a a ka mo thusang go reka motshine o a ka o dirisang mo kgwebong. Leloko la komiti, Rre Harrison Keatewa a re setshwantsho se se bidiwang A United Kingdom, se rulagantswe ka 2016 ke Mme Amma Asante yo batsadi ba gagwe ba tlholegang kwa Ghana mme ene a tsholetswe kwa London. Mogokaganyi wa mokgatlho oo, wa leina la Itekeng Batswapong Disability Association, Rre Moatshe Motoma o boletse bosheng kwa phuthegong ya go tsosolosa mokgatlho oo gore kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami e na le batho ba ba tshelang ka bogole ba le bantsi thata. Arch Bishop Mereyabone o boletse fa maikaelelo a bone e le go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong le fa e se balatedi ba kereke eo. Kwa bofelong ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Molosiwa Molosiwa o ne a supa fa go na le kgatelopele mo go lekeng go ngokela bagwebi mo toropong ya Selebi Phikwe ka dikompone dingwe tse di rokang di setse di butse e bile di bereka. O bolela fa rragwe mo nakong eno, a le dingwaga tse di masome marataro le borataro. O gakolotse balemi go ithuta go dirisa methale e e siameng jaaka go epa seolo se se mo masimong go kgona go bolaya motlhwa. A re ba bangwe ba di dirisa mo meletlong jaaka manyalo go tsenya dithunya. A re go le gantsi tonki ga e tshwaiwe sentle. O ne a supa fa a rekelwa thata ke banni ba motse wa gagwe le maphata a puso. O boletse fa dilo makwati di kotobotswa mo go babangwe mme a gakolola diitlhopha go tlhoka go kgala bangwe mme segolo ba emane nokeng ka go kopa mo go ba bangwe le go ithuta mo go bone ka seo se ka thusa thata mo go tlhabolololeng mmino wa bone. Mme Ramsden o tlhalositse fa moono wa letsatsi o o reng, ‘go katolosa kitso le go fetola boitshwaro’, e le kgwetlho mo ngwaneng mongwe le mongwe wa mosetsana go bulega tlhaloganyo go fetola dikakanyo tsa gagwe ka se a batlang go nna sone mo botshelong. O rotloeditse batsadi go agela mafoko a mopalamente mosako, segolo bogolo mo kgodisong ya bana ka gore ke bone bokamoso jwa lefatshe. O ba kopile gore a seo se seka sa nna teng, a tlhalosa fa e tla bo e le go baka dikgoberego. Re A Nyalana e tsosolosa serodumo sa malwapa Go bua Setswana ka botswerere ke mmammane Mapodise a le mabedi le modisa magolegwa ba ba direlang kwa Kanye ba tlhabilwe ke magolegwa ka sengwe se se bogale ka Mosupologo, fa ba le mo tseleng go ba isa kwa kgolegelong kwa Gaborone go tswa Kanye. Kwa Hatsalatladi mothusa tona o lekodisitswe gore mo ditirong di supa tsa temo ya merogo mo digotlong, dile tlhano kwa Hatsalatladi le sele sengwe kwa Mahetlwe di dira bontle mo temong ya morogo wa sepinatshe le tamati, ntle le gore gone go lebega di amilwe ke pula. Mme Madome o tlhalositse fa a ikaelela go ruta ope fela yo o nang le keletgso ya go itse go loga ditlatlana, go balelwa le banana ba ba aparetsweng ke lethoko la ditiro. A re go bo ba reka kgomo e e tlhomamisegang e bile e rurifaditswe gore ga se ya bogodu go baya nama ya lefatshe leno e e rekisetswang mmaraka wa Europa le e mengwe mo tshiamelong ya go eletswa bobe ke mafatshefatshe. A re mo ditsheng tse go akareditswe tsa dikereke, dikgwebo, madirelo ga mmogo le bonno. Rre Mokaila o kopile phuthego go tsaya boikarabelo mo go tsotlhe tse ba di dirang ka go ineela mo Modimong, ka jaana maikaelelo a go emisa kanamo ya malwetse jaaka HIV/AIDS le Ebola le dihawa tse dingwe e ka atlega, mme lefatshe le tlaa robalelwa ke ditlhokwa. Rre Sebina o supile fa bosheng a ne a isa bana ba le masome a mabedi le bongwe go tswa mo kgaolong go ya go iteka lesego go tshamekela setlhopha sa Township Rollers sa dingwaga tse di ka fa tlase ga masome a mabedi le bongwe. O tlhalositse gore puo ya Setswana ga e sa tlhole e na le boleng ka gore ga e buiwe jaaka ba fitlhetse e buiwa ke batsadi ba bone. Sekoloto seo ga se akaretse dikompone. O tlhalositse gore dimpho tseo ka bobedi di tlaa neelwa sekole mo nakong e e sa fediseng pelo, a gatelela ka gore maiteko ao ke go godisa boleng jwa thuto. A re ba na le mananeo a go thusa banana ba ba nang le ditalente tse di farologanyeng. O ne a supa fa go sena sekgoreletsi sepe sa gore Rre Matho a tseye setilo ka e le tshwanelo ya gagwe. A re ngogola balemi ba ne ba felela ba ipaakanyetsa masimo bangwe ba lema sesha morago ga go leta dithuso ka lobaka go tswa kwa lephateng leo. A re mo nakong eno bana ba ithuta ba kgotlhagane mo matlong a borutelo e bile bontsi jwa dikago tsa sone di onetse ka ele sengwe sa dikolo tse dikgologolo kwa Francistown. Molamu o iphataphatela ka go roka Banni ba tsweletse ba ngongorela go tlhoka go eta ga matona mo kgaolong ya bone, ba supa fa ba sa le ba letile tona wa botsogo, wa temo-thuo gammogo le wa ditsela, mme le gompieno. A re tshekatsheko e direlwa gore ba kgone go tlhaloganya diemo tse di farologanang mo malwapeng a a thusiwang. Motshwarelela mookamela thuto kwa kgaolong ya Kgalagadi mme Maipelo Kesenye o akgoletse Banka ya First National Bank Botswana (FNBB) le ba Botswana Power Corporation (BPC) go tsenya letsogo mo maitekong a go tokafatsa maduo kwa Kgalagadi. O gateletse gore batsadi ba tshwanetse go nna sekao mo baneng ba seka ba ba roma go ba rekela ditagi gape ba seka ba dirisa ditagi mo ponong ya bana. Ba supile fa tiriso ya didirisiwa tsedi lebanyeng ele botlhokwa fela thata le gone go sala ditaelo tsa balemisi morago ka nako tsotlhe. O ne a tlhalosa gore mo nakong e e tlang, ba tlaa bo ba ruta balemi ga mmogo le batho ka kakaretso jaaka diolo di thubiwa mme a kopa balemi go tla go itseela botsipa. Barui ba tlaa phimolwa keledi Mo dikakgelong tsa bone, banni ba ikuetse ka tlhaelo ya metsi mo motseng le tlala e e bakwang ke letlhoko la ditiro bogolo jang le le amang banana. A re bangwe batsadi fa ba begelwa ka seemo se, ba ntsha mafoko a e seng one, a a supang fa ba rata e bile ba rotloetsa seemo se. O ile a re, go tla diphuthegong tsa kgotla ka dipalo tse di kwa godimo go fa seriti, le serodumo se se kwa godimo mo go yo o ba etetseng. Bagwebi bangwe kwa motseng wa Mambo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba supile fa dikgwebo tsa bone di sa bone kgolo epe e e kalo ka ntlha ya palo e e kwa tlase ya batho, segolo jang ba ba berekang mo motseng wa bone. Molao o wa borukhuthi jwa maranyane o sireletsa le bana gotlhe le bagolo ba ba dirisiwang botlhaswa ka go tsewa dinepe ba sa tswala. Kgosi Petelelo o boletse fa ofisi e okametseng mananeo a twantsho bolwetse jwa AIDS mo Boteti e le yone e neng e eteletse pele lenaneo la go kopa madi le kago ya matlwana a. E ne e rile go le pele, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Tutume, Rre Maipelo Selatolo a amogela baeng a bolela fa bokopano joo e le jwa go lekolana ka botsogo jwa bone e le badire le go tla ka ditsela tse ba ka tokafatsang seemo sa botsogo mo tirong. A re ditlou tseo di dikile gape di senyeditse balemi bangwe thobo, a tlatsa ka go re go makgetho a le mmalwa ba ikuela kwa lephateng la diphologolo mme go se ope yo o ba tswang thuso. Ba-na-le bogole ba ka nna bagwebi Kgosi Boitelo Gaogakwe wa Morwamosu o ne a akgola banni ba motse oo go bo ba nnile le tirisanyo mmogo. Batho ba kgotla ya Sepalamoriri kwa Radisele ba kgadile ba menne phatla basetsana ba ba tsweletseng ka go senya boimana le go latlhela masea mo matlwaneng a boitiketso. Rre Mochanang o buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e tsherwe ke ofisi ya gagwe kwa Mmathubudukwane ka Laboraro. A re go rekela ngwana ka mogala ke go mo rotloetsa mo thutong ga mmogo le motsadi wa gagwe ka a mo eme nokeng. Balwetse ba abetswe dimpho E rile a lebogela matlo ao, mongwe wa ba ba abetsweng matlo, Rre Kapenavarwe Kaventengure a leboga Tautona, lebenkele la Choppies le banaleseabe ka kakaretso go bo ba bone go tshwanela gore le bone ba nne le bonno jo bo siameng. Barui ba ditonki ba lebogetse dithuto fela thata. Mme Segwagwa o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go lemoga kgosi gangwe fa a tsena mo gare ga morafe, jaaka go ema ka dinao. Rre Kabisa le Rre Chobo ba tlhalosa fa go tlhabolola tsela eo go ka sologela banni ba Kasane molemo, ka go ka fetola tebego ya Kasane, mme go godise mhama wa bojanala. O gwetlhile banni bao go ikopela lenaneo le ka dipalo tse dintsi ka jaana kgaolo ya bone e siametse thuo, mme a ba kaela go etela ofisi ya bone go tlatsa difomo tsa ikopelo, a supa fa ikopelo ya lenaneo le e tsamaisiwa fela jaaka a mangwe a ntseng a le teng a LIMID. Mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Moagi Molebatsi o kopile morafe wa Sikwane go tlhokomela noka ya Madikwe ka e ka ngoka bajanala le go tsosolosa itsholelo. E re le ntswa seemo sa bosa se kgoreleditse temo, balemi bangwe ba akgoletswe tiro e ntle e ba e dirileng mo masimong a bone. O buile se mo phuthegong ya komiti ya ipalelelo tseleng kwa Mahalapye ka Labobedi. Kgosi Mokgatla o buile jalo mo potsolotosng lbosheng. Lenaneo le tokafatsa maduo A re ka jalo ke maikaelelo a bone gore e nne tiro e e tlaa kgatlhang leitlho. Fa ba tswa la bone, banni ba Botlhapatlou ba ne ba supa kgang ya bone e tona e le tsela ya go tswa Hatsalatladi e ya Botlhapatlou, ba kopa gore e tshelwe sekontere. Mopalamente Moatlhodi a re botshelo bogolo bo kwa tshimong jalo a kgothatsa balemi go tshwara ka thata mo temong. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa mokgatlho wa Letlhapisa Le Lengwe, Mme Tebogo Motsumi o supile fa mokgatlho oo, o itebagantse le go lwantsha dikgang tsa tiriso phetelela nnotagi le borukutlhi. O tsweletse a kopa ba sepodisi go abela sekole se segolwane sa Kgari Sechele baithaopi ba twantsho borukutlhi go ne ba ela seemo sa borukutlhi tlhoko kwa sekoleng seo. Fa a simolodisa letsholo le kwa morakeng wa Lechana bosheng Rre Seretse o boletse gore puso e lemogile fa bogodu ja leruo bo apesitse lefatshe leno bogolo jang kgaolo ya legare kobo ka letshoba. O rile didirisiwa di tshwana le tsa kapei di tla ka monokela, a re mme seo se ba paledisa go akola mananeo ao. Rre Motshegwa o tlhalositse fa morafe o ne wa dumelana ka bongwefela jwa pelo go aga leobo la kgotla la maemo a ntlha le le iseng le agwe gope mo lefatsheng leno. Mme Nfila a re Batswana ba tshwanetse go lemoga botlhokwa jwa mananeo a tshwana a, ba seka ba nna ditlhong go ithusa ka lenaneo ka jaana go tshwana fela le motho a adimile madi kwa bankrng go aga mme a dire thulaganyo ga go a busa. Mosekisi wa mmuso mo kgannyeng e, Sub Inspector Barulaganye Tisase, o kopile lekgotla gore mo tshekatshekong ya lone ya boikopelo jwa go leta tsheko kwa ntle ga ga Zulu le ele tlhoko mabaka a gore ga se yo lekgotla le ka mo tshephang ka jaana a tsweletse ka go ikgatholosa ditaelo tsa lekgotla fa a filwe sebaka sa go leta tsheko kwa ntle. Mo letsating leo diphuthego tsa Romago tswa Tsabong le mafelo a a mabapi di ne tsa abela Bishop Seane dimpho tse di akaretsang dijo, dino-tsididi, le madi e le tsela ya go mo leboga. Ba akgoletse puso go akaretsa go thusa balemi ka dichefi tsedi lwantshang mohero mo lenaneong la ISPAAD ka go supega fa Batswana jaanong basa tlhole ba batla go bereka kwa masimo. O ne a supa fa moalo wa ditsha tsotlhe o tlaa thusa maphata a puso go isa ditlamelo jaaka metsi, motlakasi, ditsela, le tse dingwe fela jalo kwa ditsheng ka bofefo. Go tlhagoga ga molelo kwa lehuting la matlakala la Gamodubu ka Labobedi go bolelwa go ne ga kgoreletsa ditiro dingwe tsa letsatsi. A re fa mebaraka e tswalwa BMC e tlaa tshwanelwa ke go fokotsa tlhwatlhwa e e rekang kgomo ka yone, mme se se ame baruakgomo le bareki ba kgomo botlhe. Mongwe wa banni ba Shakwe, Mme Gabanapoloko Kennekae o tlhalositse fa a phakile peo eo e bile a setse a lemile. A re dipatlisiso di supile fa ekere e le nngwe e ka busetsa molemi dipula di le dikete di le tlhano mme a supa fa e tlaare lenaneo le le le gaufi, go tlaatla barutuntshi ba ba tlaa tlhalosang gore sonobolomo e lengwa jang. Dibui ka go farologana kwa meletlong ya boipuso di ne di galaletsa Batswana ka gobo ba tshela ka kagiso go sena dikgoberego dipe. Mme Botty Ranthoakgale mogolwane go tswa mo lephateng la CTO mo lekalaneng la batlhatlhobi ba dikoloi o ne a iteela kobo moroko mafoko a Rre Morwe ka go rotloetsa le go kopa baeteledipele mo maphateng a puso aa farologanyeng go tlhatlhoba dibukana tsa dikoloi tse di diisiwang ke bakgweetsi ka nako tsotlhe ka seo se ka fokotsa go dirisiwa botlhwatswa ga dikoloi tsa puso le go tlhoka go tsamaya mesepele e ba sa e laolelwang. E rile banni ba Bonwapitse ba tswa la bone ba kopa mmuso go potlakela go agela baithuti ba sekole sa Kalamare Junior Secondary School matlo a boroko gore bana ba bone ba emise go latela dithuto kwa Tswapong Borwa e bile ba kopa gore tsela e e tshwaraganyang motse wa bone le metse ya Mmutlane le Shoshong e dirwe jaaka ba solofeditswe. A re mo difomong tsa ikopelo madi a banana, go na le fa go batlwang gore ke efe kgwebo e o e itseng kana kitso e o nang le yone ya kgwebo, mme bontsi bo supega fa bo sa kgone go bona dithuso ntateng ya seo. A re bokopano joo gape bo fa dikomiti tsa kereke ka go farologana sebaka sa go buisana ka dilo tse di farologaneng jaaka go thusana ka maele a go kgobokanya madi go dira ditlhabololo tsa kereke eo. O gakolotse Kgosi Saki gore kgosi ke kgosi ka batho mme a itlama go mo ema nokeng mo tirong ya gagwe. O tladitse dimpho tseo ka dikobo di le masome a mabedi le mephuthelwana ya dijo. O supile fa e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe gore a nne le seabe sa go lwela lefatshe ka go tlogela nnotagi gore e nne lefatshe le le nang le serite. A re jaaka ngwana, mokgatlho o tshwana le BMD o tshwanetse go itsamaisa, o tsene mo dikgwetlhong, o rupe, a re seo se diragaletse makgotla otlhe a sepolotiki a kganetso jaaka BNF. O tlhalositse fa puso e tshwentswe ke maduo a thuto a a kwa tlase kwa dikoleng mme e ikaelela go fa lephata la thuto madi a mantsi le gone go tsenyetsa dikole tsa dikgaolo ditlamelo tse di bonwang kwa ditoropong. O ne asupa gore ke nako ya gore go kabakanngwe itsholelo ka ngwao ka mo nakong eno bajanala ba batla go ithuta ka ngwao ya mafatshe a ba a etelang. A re mapodisi a le nosi ga a kake a kgona bogodu ja leruo go sena tshwaragano le sechaba le bana le seabe ba makalana a mangwe. Morago ga go tlogela tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2013, o ne a bona go tshwanela gore a itshwarele ka diatla tsa gagwe. O ne a ba rotloetsa gobusetsa matlakala mo tirisong ka go dira dithoto ka seo se batho ba ka itshetsangka go di rekisa le go fokotsa ditshenyegelo a tlatsa ka gore le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana letlhoko la dikoloi tse di baakanyang mafuti amatlakala le letlhoko la matlwana a boitiketso mo mafelong mangwe,meepo ya OLDMe itlhomile kwa pele ka go ikgolaganya le setshaba sa kgaolo ya Boteti mophepafatsong tikologo. Dr Venson-Moitoi o boletse mafoko ao mo diphuthegong tsa kgotla kwa Mogome le Madiaela bosheng, a re e ne ya re morago ga gore moetelediple wa nako eno, Dr Nkosazana Zuma, a sena go tlhalosa fa a batla go ikhutsa morago ga go direla lekgotla leo dingwaga tse nne, Botswana a supa kgatlhego, morago lekgotla la SADC la kopanela kgang eo mme la dumelana ka leina la gagwe ka a ne a supa kgatlhego. Tlhatlhobo e, e e tlwaelesegileng ka leina la VIA, e dirwa ka go tshasa vinegar mo molomong wa popelo gore sepe se se ka tswang se amilwe ke kankere se itshupe, ka jalo se se fe ba bongaka sebaka sa go tsenya molwetse mo kalafing e e maleba. Mogokgo o tlhalositse gore pele ga ngwana a simolola lenaneo le, motsadi o tshwanetse go baya monwana go supa fa a dumalana le gore ngwana a le simolole gonne tiro e ngwana a e fiwang ke morutabana e tshwanetse ya dirwa kwa lwapeng ke moithuti a thusiwa ke motsadi. Modulasetilo wa komiti ya balemi-barui ya Masoke, Rre Raobele Solomon a re ba tsere tshwetso ya go netefatsa gore ba fetola temo-thuo go nna kgwebo. Tshwaragano, lerato le tirisano mmogo ke konokono mo go ageng setshaba. E rile kgosi Tsoebebe Segotsi wa Mahalapye atswa la gagwe a lebogela ba sepodise sa Botswana go nna le mowa wa kutlwelo-botlhoko ka go thusa bao ba ba robaditsweng mo dikokelong. Mo go tsa temo thuo, Rre Kablay o boletse fa puso e tla a tswelela ka go phakisa Batswana dipeo le menontshane gammogo le go ba lemela ele maiteko a go ntsha bontsi jwa batho mo botlhoking. Moletlo wa ngwaga le ngwaga wa ngwao wa Domboshaba, o supile kgolo le tokafalo ka jaana monongwaga go ne ga nna le metseletsele ya ditiragalo pele ga letsatsi le legolo la moletlo oo. A re mo dikgannyeng tse di amanang le nnotagi tse di tlang kwa go ene go di rarabolola, bontsi ja tsone di ama banana. Ditlamelo ga di tle ka mogoro Borre ba gwetlhilwe go itlhokomela gore ba sa tsenwe ke malwetse a tlhakanelo dikobo le go emisa go imisa basetsanyana. E rile bosheng kwa kgotleng ya Tonota, Gaokgakala Sekwati wa dingwaga tse di masome mabedi le boraro a lebisiwa molato wa go tlhoka go itshwara sentle mo setshabeng. Monana wa Palapye, yo gape e leng moeteledipele wa setlhopha sa Phalana tsa Lekgarapa se se itebagantseng le bodiragatsi jwa mmino wa Setswana, Rre Leungo Bosele o buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re go le gantsi o bona makhanselara fela mo diphuthegong tse di biditsweng ke matona a puso. Mme Leburu o tlhalositse fa mo medirong jaaka manyalo, a phutha matlhare a cabbage mme a o segelele a bo a omisa gore a kgone go o apaya mo nakong e e tlang. Rre Caiphas o rotloeditse batsadi go gagamaletsa bana ba bone molao ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase. O supile fa tiro e, ba e tshwaraganetse le baithaopi ba sepodisi. Kgang ya bogosi ga e buiwe e rabutswa-rabutswa fela. A re dibetso di farologane mme di akaretsa thoromo ya lefatshe, go thunya ga lekgwa-molelo, difefo le diemo tse dingwe tsa tikologo. O boletse fa kopo e, e ne ya atlega gore leobo le agwe ka madi a ditlhabololo tsa dikgaolo. A re bolwetse bo itshupa ka dikai tsa mhikela, mogote oo kwa godimo, go gotlhola, go hema ka thata, letsapa lele feteletseng le go opa ga tlhogo. Mme Diane o ne a gwetlha babereki ka ene go tswelela ka mowa oo, ba leka go diragatsa maikemisetso a lephata, go netefatsa gore ba tsaya maemo a ntlha mo ngwageng o o tlang. O boletse fa lephata la thuto le abetswe serwe sa 25 per cent mo kgaoganyong madi a setshaba, a re se, se supa fa puso e itlamile go tokafatsa boleng jwa thuto. Mafoko a ga Mme Cassim a iteetswe kobo moroko ke mokhanselara Slumber Mokgosi, yo le ene a geteletseng ntlha ya go gakolola boemedi jwa sepolitiki go itse fa kemedi mo tirong ya bone e tsamaelana le boikarabelo. Independent Assemblies e thusa setshaba Ba ne gape ba re kgokgontsho ya bana kwa malapeng le mo sekoleng le yone e ka nna le seabe mo go digeleng seemo sa maduo kwa tlase, segolo jang ba remeletse mo goreng batsadi bangwe ga ba tsee boikarabelo jwa go bona gore a ngwana o ya sekoleng a jele le yone paka ya sekole e le mo seemong se se siameng. Mopalamente o gwetlhile dikgosi le baruti go thusa go busetsa banana mo sethong. O ne a tlhalosetsa setshaba ka melawana e mesha ya makgotla a kabo ditsha le dikgwetlho tse lephata la gagwe le lebaneng natso. O tlhalositse gore go tlhoka go itse puo ya diatla go dira gore ba-tlhoka kutlo ba palelwe ke go ikuela fa ba na le mathata mme seemo seo se dire gore ba tsenwe ke boitlhobogo. Bagwebi ba tonki le bone ba kaile matshwenyego a bone ka jaana dikgwebo tsa bone ditswetswe. Kgosi Radipitse a re tiragalo eo e diragetse morago ga gore bobedi joo bo tlhoke kutlwisisano. Ene le bangwe ka ene ba ne ba tlhalosa ka fa lenaneo leo le yang go bereka ka teng. Fela Rre Kgatlhang a re dibatana le bogodu di kgoreletsa go ata ga leruo la gagwe. A re o solofetsa balatedi le barati ba mmino wa sekeresete gore ngwaga o o latelang o tla dira go tlala ka diatla. Rre Tiisetso Masasa wa Partners Maintenance o supile fa lorato le mowa wa kutlwelobotlhoko e le tsone tse di ba gwetlhileng go thusa boora Makgolwane. O galaleditse Tautona Masisi le Mme Neo Masisi a re maiteko a go ba lekola ke sekao sa gore o a ba kgathalela. O tlhalositse fa ngaka le baoki ba pelegiso ba imelwa ke tiro ka balebagane le metse e le supa e e mo tikologong ya Lecheng, ka jalo a re, ba tlhoka go okediwa. Mokhanselara wa Senonnori/Boro, Rre Kenson Kgage, o supile fa baikopedi ba feta diketekete ba letile go abelwa ditsha mme a kopa ba kabo ditsha go fa khansele pego e e tletseng ya gore mo diketeng tseo ba abetse ba le kae ka ngwaga mang. Rre Motoma a re go lemoga gore toro ya bone e diragetse, ba tlaa simolola go bona dingwe tsa dipharologanyo jaaka go bona ba-na-le-bogole ka bontsi ba tshela botshelo jo bo eletsegang. A re ba ne ba roma lekoko go ya go ikuela kwa pusong ka jaana ba sena lefatshe la mahudiso le masimo ka lebaka la dipolasi tseo. Moruti Baumake a re bontsi jwa ditiragalo tseo, tse di akaretsang kgokgontsho, petelelo le go bolaya go utlwala fa di bakwa ke banna. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, modiri wa lekalana la merero ya dikgang tsa bong, Mme Gorata Nthabi o supile fa kgokgontsho ya bong e le mokgwa mongwe le mongwe wa kgokgontsho mo go rre kana mme, ka mabaka a bong jwa bone. Kgosi Hube o kuela ba Mahatlhe Motlhala wa nyeletso lehuma o a bonala O boletse gape fa kokelwana ya bone e tla godisiwe fa madi a bonala. Mogolwane go tswa kwa lephateng la temo-thuo Rre Bapsy Jibichibi o kopile setshaba go tswa mo dikakanyong tsa gore temo ke ya ba ba tlogetseng tiro ntateng ya bogodi. Tona Masisi o ne a tlhalosa gore mogopolo wa go direla setshaba o dule ka Tautona, a sena go bona fa mowa wa go agisanya mo setshabeng o wela tlase. Banni ba motse wa Shoshong segolo jang ba dikgotla tsa Bokaa le Phaleng ba ntse ba sa utlisisanye sentle le ba kgotla yoora Kgamane morago ga gore motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato Kgosi Sediegeng Kgamane a neele Rre Felix Kgamane bogosi jwa Shoshong jo bo neng bo ntse bo tshwerwe ke Kgosi Sejakgomo Ntsaga yo a neng a tlhomiwa morago ga loso lwa ga Kgosi Lebelwane Mosinyi. Rre Daki o supile fa ba tshwentswe ke seemo sa boimana jwa banana se se golelang kwa pele mme go supa fa ba sa itshireletse mo mogareng. Banni ba supa fa lefatshe la bone le tlaa ba tswa diatleng mme ba felele ba nna batshabi mo mafatsheng a a mabapi. Rre Kenny Kapinga wa Okavango ene o ne a gwetlha maloko a diphathi tseo gore ba itse gore se ba se lwelang ga se mothofo. 09. Se, se builwe ke mothusa molaodi wa Kanye Administrative Authority, Mme Keamogetse Segokgo mo Potsolosong bosheng. O tlhalositse gore kgwebo ya matlalo e na le sebaka sa go ka gola ka e ise e tume thata jaaka dikgwebo tse dingwe. O supile fa majwe a bone a rekwa ka dikanti tsa dilithara tse di masome a mabedi e bile a rekwa go ya ka boleng jwa one. Baithuti ba kgothadiwa go nna tlhaga Le fa go ntse jalo, Rre Keareng a re ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya metsi, letlhoko la didiriswa tsa kago mo kgaolong mo ba felelang ba di latela bokgakala kwa Gaborone. A re o lemogile fa Batswana ba sena kitso ka ditlhwatlhwa tse BMC e rekang dikgomo mo go bone ka yone. Pharithi o kopa puso go gagamatsa dikotlhao Tona Molefhi o buile jalo mo phuthegong tsa kgotla kwa Mmakgori le Tshidilamolomo mo kgaolong ya Borolong bosheng. Modulasetilo wa khamphani eo, o solofeditse banni ba motse oo fa World Group of Companies e tlaa ba agela kokelwana. A re lephata le dirisa tsamaiso ya molao e e sa ba letleng go fetola ka gope dikotlhao tsa makgotla a ditsheko. Le fa go ntse jalo, Rre Ntheetsang o gwetlhile balemi go tshwaragana le ba temo-thuo fa ba batla go lwantsha diji, a re fa ba lemoga setshidinyana kwa masimo ba lekodise balemisi gore ba tle ba ba thuse go ise go nne le tshenyo e ntsi. A re letsatsi le letsatsi go begwa fa borre bangwe ba thubeditse bana ba bannye, fa go gongwe ba thubeditse basadibagolo ba ba senang boitiro kana thata ya go iphemela. A re go tsaya lebaka go duela mong wa leruo mme seo se tsala tlhoka kutlwisisano fagare ga bone, a tlatsa ka gore seo gape se ba rontsha ditshwanelo tsa bone ka ba felela ba sa kgone go thusega go itlhotlhora lehuma. Sepatela sa Palapye se butse kokelwana ya itlhatlhobelo kankere go thusa bomme go dupa kankere ya molomo wa popelo ka nako. Obamelang melao - Batshu Rre Khani a re mo kitsong ya bone ba ne ba tsaya gore ke monna le mosadi ka ba ne ba ntshitse magadi ba nna mmogo ka kagiso, mme a leboga ba Re a Nyalana ka thotloetso le thuto ya bone. A re gape ba tlaa simolola go tshela mmogo ka phuthologo ba sa tshogela dikgotlhang tsa boswa tse gantsi di nnang teng fa yo mongwe a tlhokafala mme ba ne ba sa nyalana. Ba kopile gore ba-na-le boswafe ba fiwe ditlolo le digalase tsa matlho tse di nang le boleng. Mopalamente Ngaka o ne a gwetlha banni bao go tsoma methale e mesha ya itshetso. O kgothaditse ba ba nwang diritibatsi go di nwa ka fa tshwanelong, mme ba emise go nwa bojalwa le gore ba dirise dikhondomo ka nako ya tlhakanelo dikobo gore ba seka ba fetisetsa mogare kwa bakapelong ba bone. Mongwe wa bagodi, yo ebileng ele kgosi, Kgosi Molelwa, o supile fa baoki ba na le lerato. A re ka madi a a filweng ke ba ofisi ya banana, o kgonne go reka didirisiwa tsotlhe tse a di tlhokang mme tse dingwe di tshwana le go gokela motlakase mo madirelong o di dirile ka lemme le le tswang mo pateng ya gagwe. O boletse gore e rile kwa tshimologong bontsi jwa batho ba bo ba sa le etele mo go nametsang mme mo nakong eno bontsi jwa batho ba le etela ka bontsi go ithuta le go bona didirisiwa tsa ngwao. Monana yo, yo o dingwaga di masome mararo, a re o tsere tshwetso e a se na go lemoga fa a na le botsipa le lorato lo lontsi mo go direng ka matlalo ka e bile a ithutile go a suga. Rre Lelatisitswe a re go botlhokwa gore ba tshwaraganele tiro e ka e le bone ba itseng matlhoki a bone. O rile tsela eo ya Goshwe go hirilwe boradikonteraka ba le babedi go e shafatsa le go dira metshelakgabo e tiro ya teng e tlaa lopang didikadike di le tharo tsa dipula. A re pele ntlo e e agwiwa, botshelo mo lwapeng la gagwe bo ne bo le bokete ka jaana o ne a tlhatlhagana fela le bana golo go le gongwe. O tlhalositse fa kgwele ya dinao e le motshameko o o agang motho gape o thusa ba le bantsi ka go itshidila gore botsogo jwa bone e felele e le jo bo siameng. Are paakanyo e nngwe ya molao kakanyetso e tlaa nna e e letlelelang Batswana ba ba boneng boagedi jwa sennela ruri kwa mafatsheng a mangwe ka ntlha ya tiro kgotsa nyalo, go tswelela ba tshegeditse boagedi jwa bone jwa Botswana. A re o ageletse tshimo ya gagwe ka thuso ya go teratelela masimo. E rile a amogela morafe o o neng o tsile ka bontsi kwa kgotleng ya Sefhophe Kgosi Segwabe Diloro wa Sefhophe a supa fa go sale go itshupile ka nako e nne molelo wa kgolagano o raletse lefatshe, gore boipuso jwa monongwaga e tsile go nna jo bo pharologano ka mmino, moopelo, kapari le tse dingwe. E rile a bua kwa tsosolosong semmuso ya setlhopha se se rutuntshang ka botlhokwa jwa diteemane gammogo le go di sireletsa sa Diamond Control and Awareness Team (DCAT) bosheng, Rre Milton a kopa batsayakarolo go sireletsa diteemane ka botswapelo gore di tswelele di tlhabolola lefatshe la Botswana jaaka di ntse di dira mo dingwageng tse di fetileng. A re puso e dira maiteko a gore pampiri e ya setshaba e fitlhelele botlhe, selo se a reng ga se diragale ntateng ya mokgwa o o dirwang ke bangwe. Tumelo o supile fa bana bangwe ba sa tsene sekolo sentle mme ba feta fa sekolong pa pagame ditonki go ipontsha le go ikgantshetsa barutabana. Eloyi e itumelela kagiso le thokgamo A re ba ba amilweng thata ke go ima mo ke baithuti ba ba tswang Dibete. Mme Lucas o supile fa maitlamo a lephata e le go bona ba-na-le bogole ba na le dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone, ka se se ka fokotsa dipalo tsa batho ba ba thusiwang ke puso. O boletse gore fa banana ka bontsi ba ka nna le mowa o o tshwanang le o, lefatshe leno le tlaa tsoga le na le baeteledipele ba ba tiileng. O ne a re mo bogompienong ba santse ba duela ba ba isitseng dikgomo tsa bone ka Motsheganong. Seemo sa metsi gase itumedise makhanselara O boletse fa bana le bone ba amiwa thata ke kgokgontsho. One a leboga le batsadi ba banana gore bane ba tshwaraganetse tiro le bone a bowa aba gwetlha go tswelela ba thusa bana ba bone go ikgapga mogo tsa borukutlhi. A re mo malatsing a leruo le tsewa fela mo masakeng mme a tlhalosa fa maikaelelo e le go upa gore go seka ga tlhola go utlwala dikgang tsa bogodu ja leruo. O boletse fa dipatlisiso di supile fa kanamo ya mogare wa HIV e santse e itshupa e gola mo lefatsheng leno ka bophara go akarediwa le yone kgaolo e ya Letlhakeng e ka tlwaelo e nang le dipalo tse di kwa tlase tsa go anama ga mogare. A re bana ba sekole sa gagwe ba dule mo taolong gotlhelele ka ba dira ditiro tse di duleng mo tseleng ebile ba supa fa ba sa tlhwaafalela dithuto tsa bone. Tona o buile se mo loetong la go lekola dikgwebo tsa ba ba thusitsweng ka lenaneo la bong kwa Letlhakane ka Labotlhano. Mme Jansen a re go lemoga fa batho ba rata kgwebo ya gagwe ya ditlhare tsa maungo, meriti le tse di kgabisang, o ne a tsenya marapo dinameng ka go lema di le dintsi tse di ka kgonang go mo tsenyetsa letseno le le botoka. Kgosi o ne gape a tlhalosa fa molao wa leruo le le sailang mo mebileng o setse o le mo tirisong ka jalo a gakolola morafe go le ntsha mo motseng e sere gongwe ba lela sa khuranyo ya meno. A re boipuso jo, bo tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng; Tshaba e e Bopaganeng e bile e Itumela. Modulasetilo wa lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Molepolole, Rre Edson Phuthe o boletse fa le tshwentswe ke batho ba ba sa dueleleng ditsha tsa bone tsa kgwebo. Mme Moloi o kgothaditse banana ka ene go batla seo ba se ratang mo botshelong go dira madi ka sone. A re ba lemoga maiteko a kgosikgolo ya bone mo go bueleleng lefatshe le matlotlo a bone mme jaanong a re o lemoga gore o tlhoka bathusi. O ne a wetsa ka gore kereke e thusa thata mo go gakololengpuso e bile puso e tlhamile lekoko la tumedi le le gakololang puso gangwe legape le go tokafatsa puso ya batho ka batho ka e se motlhofo go nna teng e leka lebaka la maitlamo a puso le kereke mme seo se tokafatse botshelo. O ne supa fa ba setse ba itemogetse fa bangwe ba ba abelwang matlo ba felela ba sa kgone go nna sentle mo go one ka ba kgobiwa ka dipuo ke ba ba tshelang le bone mo metseng ya bone. Ka jalo, o dumela gore fa kopo ya gagwe e ka atlega, kgwebo ya gagwe e tlaa tsamaya ka thelelo, gape a kgone le go thapa mothusi, ka tiro e kgona go nna ntsi mme e mo palele ka a sena mothusi ntateng ya tlhaelo ya madi. Sengwe se se feletseng se tlama komiti go kopa tlosoloso, go tlhalositswe gape fa e le go lemoga fa molaetsa o ne o sa anama sentle go fitlhelela ba-na-le seabe botlhe. Supt Jorowe a re mmelaelwa o tlaa isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata kwa Hukuntsi go arabela molato oo. O tsweletse a kopa balemi go dirisa mananeo a puso a a itebagantseng le temo-thuo, go rema masimo, go a teratelela gammogo le go rata masimo a bone gore ba kgone go ntsha dijo tse dintsi. A tswelela ka go tlhalosa gore o baya madi a mangwe ko bankeng gore a dirise mo isagong fa kgwebo e ntse e atlega e gola. Rre Gareope o ne a gatelela Setswana se se reng, moroto wa o esi ga o ele ebile kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa a re go supasupana ka menwana ga go ntshe maduo ape. Tsetlana e nngwe, Mme Matenge o boletse fa e le ya thulaganyo le diphitlho e mokgatlho o e dirileng le ba ditsidifatsi ba Kagiso. Mokhansela yo o itlhophetsweng Mme Olga Ditsie o ne a kopa gore Khansele e tlhoafalele go tswa ka mananeo a a ka begwang e le ditiro go nale go bua ka lenananeo la Ipelegeng le Green Scorpion fela. O lebogile balemi go fa ba ba sa kgonang go lema dijo gore le bone ba tle ba kgone ba ore molelo wa mariga. Rre Ramosesane a re mo lenaneong la gompieno la khansele ga go na sepe se ba se filweng le ntswa nako e e fetileng ba sa thusiwa ka sepe. O boletse fa dipatlisiso di supa fa mogare wa segajaja wa HIV/AIDS o tlhagelela thata mo go bomme gona le borre, Mme Ntshwabi o boletse fa gole gantsi batho ba bomme ba ba golwane ba tsenwa ke mogare fa ba tlhokomela ban aba bone ba ba nang le mogare bas a dirise tsa itshireletso. Banni ba buile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mokhanselara wa kgaolo ya Mantshwabisi bosheng. A re nako e tsiel ya gore puso ka lephata la thuto ba akanye sesha gore ba ka dirang ka sekolo seo bogolo jang ka go le turu go tsamaisa sekolo mme palo ya bone e le kwa tlase. Rre Butale a re gape go botlhokwa gore batho ba dire dikgwebo tse disha tse dingwe tsa tsone e leng go ipopa ditlhopha go simolodisa dikgwebo tsa dikoporasi tse di ka thusang go tokafatsa itsholelo. Mogolwane wa botsogo le boitekanelo mo kokelong ya Athlone, Mme Tilwane Mokgatle o ne a rotloetsa borre go ititaya ka thupana, ba tsibogele go kopa ditlamelo tsa botsogo. Sekole sa Dithejwane se tshegeditse ngwao O ne a supa fa ba sena le one mogala mo kgotleng ya bone le yone koloi tota go tsamaisa ditiro tsa lekgotla. O kaile fa a ne a kua go kopa thusa mme baagisanyi ba mo tshologa mokgosi ka go leka go bolaya noga eo, mme ga retela ka e ne e lebega e le tona ebile e le borai. E ne ya re a tsibogela tse di amanang le khansele, mothusa mokwaledi wa khansele ya lerage, Rre Songa Mosweu a tlhalosa gore ditlhabololo di laolwa ke dipalo tsa batho, go bona gore ditlamelo tse di tlhokegang ke tsa selekanyo se se kae. Le fa ke ne ke le ko ntle ga matlhophelo ke ne ka bona rre wa lepodisi a bua le Rre Kaodimba mme morago Rre Kaodimba o ne a tswela kwa ntle ga sekolo a tsamaya. A re metlobo ya dibuka e fa bana dithuto tse di faphegileng, segolo jang dikgang tse di fetileng tse di supang se se diragetseng mo lefatsheng leno gammogo le lefatshe ka bophara. Kgosi Thwane o ne a rotloetsa batsadi go ikgolaganya le barutabana ba bana ba bone ka go etela kwa dikolong go itse le go lekola tiro ya bana. Fa a tswa la gagwe, Rre Moswang o supile fa a phophoma ka boitumelo a bo a tlhalosa fa a ntse a kokonelwa ke go tlhoka ntlo. HIV/AIDS e ama temo-thuo A re mo lefatsheng leno sengwe le sengwe se dirwa go setswe molao morago. O ne a rotloetsa Rre Nkgowe le bomme ba go tswelela ba tshwaragane gore matshelo a bone tokafale ka puso ya lefatshe leno e eletsa go bona batho ba yone ba tshela sentle. A re puso e ikaelela go loga maano go leka go tlhama mebereko gore Batswana ba ba sa berekeng le bone mo isagong ba kgone go oba letsogo. Makhanselara le dikgosana kwa Serowe ba kgadile bagolo bangwe ba ba romang bana ba bannye go ba rekela bojalwa le motsoko. A re monna yoo nyetseng o nale seriti sa gore bana ba dirisa sefane sa gagwe e bile o kgona go laola ba lelwapa la gagwe ka tshosologo. Mongwe wa banni ba motse, Rre Robert Kealotswe a re monna wa Setswana o tshwanetse go nna a kgabola fa kgotleng go ya go utlwa ka dikgang le ditlhabololo tsa motse, ka seo se rotloetsa therisano le kgolagano. Mme Mannathoko o ne a sa kgale mathe go leboga ba FNBB a kaya fa motse wa Struinzendam o le kgakala le ditlamelo ka jalo batsadi bangwe ba sa kgone go rekela bana ba bone kapari ya sekole ka mabaka a botlhoki. Banni ba kgotla ya Bokaa mo Mahalapye ba kopilwe go emisa go latlhela metseto e e dirisitsweng gongwe le gongwe ka go dira jalo go ka nna diphatsa mo matshelong a setshaba gammogo le mo loruong. Mmed Segokgo a re puso e ba file P5 900 go ithusa go akola boipuso, a tlatsa ka go re ba rulagantse mmabontle gore madi a teng a tlatse mo go se ba se filweng. A re leloko lengwe le lengwe le fiwa sebaka sa go ntsha matshwenyego a gagwe a botshelo mme setlhopha se mmatlela thuso. Othusitse Ketlaamoreng, yo le ene a dirang lekwalo la bosupa, o supile fa batsadi ba sa kgalemelele bana ditiro tse di sokameng jaaka go tsamaya maitiso, fa Masego Mokgaring, yoo dirang lekwalo la boraro, ene a kopile batsadi go ba ntshetsa madi aa tlhokiwang kwa sekolong. O weditse ka go gakolola batsadi go tswelela ka mowa wa tirisano mmogo le ba lephata la botsogo fa mokento o setse o abiwa, a re le ko dikolong ba tlaa isa dithuto pele ko baneng pele ga ba o simolodisa, a re poeletso ya mokento o ya go diragala gape morago ga dikgwedi tse thataro. Ke ne ke batla go bona tota gore se monna yo a se ganelelang mo matlhophelong ke eng. O tsweletse a supa gore e ne ya re a ntse a eme gaufi le kgoro ya sekolo, ke fa go goroga koloi ya modiro wa Nissan X-Trail, mme ya ema gaufi le fa a neng a le teng. O boletse fa puso e lemogile gore dipula monongwaga di ne di le boutsana, ka jalo o kopa Batswana go tshwara ka thata go dirisa mananeo. A re merwalela ya bofelo go nna teng mo kgaolong ya Okavango ke ka ngwaga wa 2010 mme kgaolo e e neng e amilwe ke merwalela eo thata ke kgaolo ya Mohembo bophirima. Ka kgang ya madi a a nyeletseng a puso, o supile fa dikgang tseo di le kwa kgotleng ya ditsheko le gone gore o tsere kgang ya ba-na-le boswafe le ya Ipelegeng mofago. Maruping go a boelwa e tsosolosa ngwao O ne a wela ka gore setshaba se tshwanetse go itumelela malatsi a a boitapoloso ka boikarabelo e bile ba sa gasegase matlakala. E re jaaka go setse ngwaga le sephatlo go goroga kwa ngwageng wa 2016, Batswana ba tshwere ka natla go dira gore matshego a tebelopele ya setshaba a fetoge boammaaruri. O tlhalositse gore fa ele ditsela tse di yang masimo tsone e setse e le kwa go latlhelwang matlakala gone, a tlatsa banni ga ba latlhele matlakala kwa a tshwaneng. Lephata la meepo, kgothetso le metsi le ntshitse pego ka thoromo ya lefatshe e e diragetseng kgwedi eno e tlhola ga tlhano. A re ke ka moo ba neng ba tsaya tshwetso ya gore ba bitse bogogi jwa motse le ba ba nang le seabe mo setshabeng gore ba kopanele kgang eo. A re se se tlaa dira gore matlakala otlhe a a tswang mo kokelwaneng, e bong didirisiwa tsa mo teng kana sepe fela se tswele kwa ntle ga kokelwana ka di ka nna borai mo bathong. O boletse gore nako tse dingwe bana ba a bo ba na le matlhoko mangwe ba bo ba felela ba ineela borre ba bagolwane ba ba bonang ba ka ba thusa ka tse ba di tlhokang. E rile fa a amogela batho, Kgosi Gonkgang Mankgatau wa Rakops a re Tautona o segile tema ka lenaneo le la gagwe la go agela ba ba tlhokileng lesego matlo, a bo a ntsha banalebogole ko mahuri ka a ne a lemoga gore ba tlhoka thuso. Se se tla morago ga gore kgosi wa Tewane, Mme Keorapetse Kalanke le mokhanselara Mme Julia Miranda ba nne le diphapaang tebang le dikgang tsa motse oo. Le fa go nste jalo, mokhanselara Nthokgo o ne a leboga botlhe ba ba ne ba rulaganya merapelo eo mme o ne a ba rotloetsa go tswelela ba dira jalo. Se, se boletswe ke mogolwane wa mapodise a Ramotswa, Senior Superintendent Sarah Gabathusi, mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng. A re go ne go tshasiwa matute a sethare se se bidiwang bogoma mo dithitong tseo le fa go robegileng teng, gore dithito di ngaparele. A re tiro eo ke tiro e tonaka e bile e ne e dirwa ka boithaopo mme go sa batliwe sepe mo banning. Mme Ramatu o rile go le gantsi dikotsi tsa tsela di bakiwa ke go tlhoka go obamela matshwao a tsela ga bakgweetsi, go kgweetsa ka lobelo le le feteletseng, go kgweetsa batho ba sena ditlankana, go dirisa dikoloi tse di sa itekanelang, go fudisetsa loruo mo ditseleng tse di ageletsweng le go iphitisa dino. Kgosi ya Maubelo kwa Kgalagadi, Kgosi Setlhare Lorekang, o galeditse tautona wa lefatshe leno ka kago ya ofisi ya kgotla ya motse wa gagwe morago ga go tsaya lebaka di ise di agiwe. Mme Lorekang o buile se bosheng mo phuthegong ya batsadi le barutabana e maikaelelo a yone e neng e le go tla go buisana ka maduo a sekole seo a mephato yotlhe, dikgwetlho tse barutabana ba kopanang le tsone mabapi le baithuti go tlhophiwa ga komiti e ntsha le tse dingwe. Source:Author:Location:Date:more news »Main LinksNetworksSocial NetworkUseful LinksServicesContacts O tlhalositse fa boitseme e le jone bo bolayang banana ka bontsi mme a kopa banana go ya go ithutela ditiro tsa diatla jaaka go lema merogo gore ba tle ba kgone go itlhamela ditiro le go tlhamela ba bangwe mebereko. Rre Malikongwa o buile seo kwa bokopanong jwa botlhano jwa dikomiti tsa tokafatso maduo tsa bokone (Work Improvement Teams) (WITS) jo bo neng bo tshwaretswe kwa Maun ka bosheng. O supile gape fa seabe sa dikgosi le dikomiti tsa VDC di le botlhokwa thata mo go tshwaraganeng le bone gore ba fitlhelela maitlamo a bone. E re le ntswa a ne a lekodisiwa ka dipalo tse di masome a supa le borobongwe tsa bao dikopo tsa bone di atlegileng, o sa ntse a dumela fa thulaganyo eo mo kgaolong ya Kweneng ele bonya. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa mapodise a District No. A tlatsa ka go kgothatsa ba mmino wa Polka go tsetsepela le go ipelafatsa le go godisa mmino wa polka oo tumileng mo kgaolong ya kgalagadi ka o setse o na le tatedi e ntsi fa go tshwantshwangwa le mo dingwageng tse di fetileng. Mme Mosala o akgotse ba lekgotla la mabelo ka boithaopo jwa bone, a tlatsa ka go re ka ntata ya thuso ya bone go tlaa ntshiwa diteemane tsa mabelo. O ne gape a tlhalosa fa ba ise ba amogele dikgang dipe kwa ofising ya bone, tsa motho wa rre yo o ka tswang a timetse. Superintendent Badisang o tsweletse ka go tlhalosa fa mapodisi a begetswe tiragalo eo ke batho bangwe ba ba fitlhetseng serepa sa mosadi yoo se kgophaletse mo tseleng. Go tlhalosiwa fa botshelo bo fetogile kwa motseng wa Khekhenye, fa puso e sena go kgobokanyetsa banni ba koo kwa motseng wa Khekhenye ka ngwaga wa 1991, ba go tlhalosiwang ba ne ba nna mo dithoteng tse di farologanyeng. Baithuti ba ba buseditsweng mo sekoleng go boelela mophato wa botlhano ba lebogile lephata la thuto le tlhabololo dikitso go bo le bone go le mosola go ba busetsa sekoleng go tsweledisa dithuto tsa bone. Mo go tse dingwe, a re kgotlhang fa gare ga batho le diphologolo e santse e le teng mo kgaolong eo ka ditlou e le tsone di dirang tshenyo e ntsi mo dithotong tsa balemi-barui. A re go a tshwenya gore fa mauduo a tswa a sa itumedise batsadi ba bo ba supa mogokgo ka menwana ba sa lebe seabe sa bone. O tsweletse a bolela fa ba tla a tsamaya mo kgaolong go bolelela ba ba neng ba mo setse morago go tshwaragana le maloko a mangwe go tlhopha Rre Majaha, a tlatsa ka gore batlhophi bao ga se ba ga ope ke ba phathi ya Domkrag ka jalo ba tshwanetse go thusana le yo o tlhophilweng go fenya kgaolo. Rre Mogolo o gwetlhile balemi go tsena ditshupo tsa temo le leruo a tlatsa ka gore ditshupo tseo di neela molemi sebaka sa go abelana maele a tokafatso temo ya gagwe le balemi ba bangwe. O ne a tswelela gape ka go kaela balemi go kopa bogakolodi mo go tsa temo pele ga ba ya go reka ditshefi dingwe tse ba eletsang go di dirisa. O boletse jalo fa a ne a rolela banni go dirwa ga tsela ya Phitshane Molopo/Mabule e e sa bolong go solofetswa gore e tla dirwa kgwedi ya Sedimonthole e ya fifing monongwaga. O ne a mo kaya fa e le kgosi e neng e le tlhaga, a le pelotelele mo tirong ya gagwe mme a re o lebela Kgosi Magapatona jaaka mogolowe ka a mo rutile tiro ya bogosi. Ba boletse fa go ngomola pelo gore bana ba bo inaakantse le go nwa majalwa, go goga motsoko le go tlhakanela dikobo ba santse ba le bannye. Mme Garethata yo a nang le dingwaga di le borobabedi a inaakantse le kgwebo ya temo ya dijo tsa Setswana, a re dipoelo tsa temo ke tse di ka tshetsang Batswana a supa fa ngwaga le ngwaga a dira madi aa fetang P60 000 morago ga go rekisa se a se robileng mo tshimong ya gagwe. ESP e tlaa tlhamela Batswana ditiro Magosi le ene o ne a lebogela dithuso tse puso e tsweletseng ka go di fa Batswana. Assistant Superintendent Ernest Sesinyi a re mapodisi a tlaa bo a le malala-a-laotswe mo ditseleng go tlhomamisa gore setshaba se sireletsegile a gatelela gore ba ba tsayang loeto lo lo leele ba tsamaeye ba tla ba itapolosa mo tseleng. Fa a ama dikgang tse dingwe, Rre Butale o kaile fa baithuti bangwe ba supa maitshwaro a e seng one mo sekoleng, a tlatsa ka gore e ne ya re bosheng moithuti mongwe a golafatsa morutabana ka go mo itaya mo tlhogong ka setena fa morutabana a ne a leka go mo kgalemela gore a dirisane sentle le baithuti ka ene ka nako ya dijo. Ba Tati Siding ba lebogela pula Rre Van Der Westruihuizen yo e ebileng gape e le mopalamente wa kgaolo ya kgalagadi o ne a supaa mo maetong a gagwe a go lekola dikgotla diofisi tsa kgotla ka bontsi mo lefatsheng dikago tsa tsone di se mo seemong se se siameng a kaya fa tse di gaufi le toropo ya Gaborone le di sa kgatlise. A re banana ba na le go akanya gore ditoro tsa bone di phirimile tsa go ipona ba ile dikoleng tsa ithutelo ditiro morago ga go sa direng sentle kwa mophatong wa botlhano le boraro mme a supa fa ba itlamile go netefatsa gore ba a ba thusa gore ba felele ba atlegile mo botshelong. A re fa e le ba ba thusiwang ke lephata la boipelego ba ka ikopela ka seelo sa masome a mararo le bongwe. A re maikaelelo ke go rutuntsha bao ba ba setseng pele ga ngwaga one wa madi o wela. O ngongoregetse go tlhoka go tsena diphuthego tsa sekole ke batsadi ntswa ba tshwanetse go tshwaraganela bana. A re fa baratani bangwe le bangwe gammogo le banyalani bane ba ka nna le seabe sa go tlhokomela bana ba bone, madi a dirisiwang ke lephata la boipelego go tlhokomela bana ba masiela ane a ka dirisiwa mo ditirong tse dingwe tsa ditlhabololo. Mme Kesekang o tlhalositse fa a ne a seka a ipona tsapa go ikgolaganya le ba lephata la banana go kopa dithuso le go tsaya bogakolodi ka lenaneo le. Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi, mothusa mogokgo wa sekole seo Mme Binny Tapedzisa o ne a supa fa ba ne ba lemoga bana le barutabana ba ba dirileng ka bokgabane. O tsweletse a re bomme ba ba mo kalafing ba masome a marataro le borataro mo lekgolong fa borre bone ba le masome a mararo le boraro mme a re seo se supa fa borre ba le maoto a tshupa go itlhatlhoba. Kotsi e gapile matshelo a
 bana ba le bararo O ne a eletsa e kare batho ba ka abelwa lefatshe fa go nang le ditlamelo a re seo se ka rarabolola bothata jwa bomaipaafela. Mme Motswetla o ne a supa fa a rata go dirisa pente ka go bo e dira ditshwantsho tse okareng di a tshela. A re thuto e tshwanetse go tsewa tsia ka ke yone lesedi ebile ke selotlele sa botshelo. Rre Kgosiyabone, yo o eteletseng pele mokgatlho wa Genesis 21, a patilwe ke setlhopha sa gagwe ba mo mogwantong wa dikhilomithara tse 1 600 go tswa Shakawe go tla Gaborone ka maikaelelo a go gasa molaetsa o o kgalemang dipolao tsa bomme tse di dirwang ke bakapelo ba bone. A gatelela ka gore ba tsile go ga gamaletsa setoropo bao ba ba santseng ba itirile tsebe seutlwe ka go hira batho bao. Mo go tse dingwe o kopile balatedi go baya dipharologano tsa bone kwa thoko gore ba kgone go aga setlhopha se se tiileng, se emetse kgaolo ya ga Malete. A re seemo se go ne ga lemotshega fa gantsi se bakwa ke gore mme o a bo a sa bereke mme fa godimo ga moo, rre yo o mo imisitseng a bo a mo phuaganya. Mme Ntau yo o itsegeng ka leina la ‘Mma Segomotso’ o boletse gore fa a sena go tlhagola tshetlho o a e omisa mo lobakeng lwa beke mme morago a e thuge ka motshe gore e felele e le bopi. Isang Botswana pele-Batshu Mosadimogolo o supile fa a tlhokafaletswe ke monna mme a setse fela le bana ba a kaileng fa e le bone ba mo thusang. Mo moletlong oo, o neng o tsenwe ke bagodi ba kereke ya Sabata go tsweng kwa dikgaolong tsa Tutume, Francistown, Tonota, Boteti, Serowe, Phikwe, Palapye, Shoshong, Mahalapye, Bobirwa, Sefhare / Ramokgonami le kgaolo ya Lerala / Maunatlala, Mme Tshireletso one a abela Mme Kenakgang Gabalebatse P200 go bo ele ene mogodi yo a neng a fetla ba bangwe ka dingwaga mo tirong eo. Bangwe ba felela ba anwa metsi a a tswang mo nokeng mme go bee matshelo a bone mo diphatseng, ga bua Kgosi Bampusi. O ne a ba gwetlha go tshwaragana ka go nna seopo sengwe e le tsone tse di ka ba kgontshang gore letsholo leo le atlege jaaka maikaelelo a ba lone e le go tshwarwa ngwaga le ngwaga. Tuelo e kwa legodimong Rre Busang a re ga ba kake ba kgona go dira tiro e ba le nosi ka e bile ofisi ya gagwe a thusa metse e le mentsi mme ditlamelo di tlhaela. A re puso e tsere tshwetso ya gore e buisanye ka dikgang tse di tshwenyang Batswana ba le bantsi tse di amang dikgwebo tsa go rekisa bojalwa gore go ka dirwa jang gore bo nowe sentle, matshelo a batho le dithoto di babalesegile. A re mo dinakong tse di fetileng, banni ba metse e e kgakala le ditlamelo ba ne ba tshelela mo seemong se se ngomolang pelo mme seo se tokafetse. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Mmatshitswane, Rre Watshipi Ranka o tlhalositse fa ba tsweletse ka tiro ya ditena mme kgwetlho e le koloi. A re erile a le monnye o ne a raya raagwe a re e tlaa re fa a gola o tsile go tshwana le ene mme rragwe a mo rotloetsa go simololela ruri a sa le monnye ka gotwe ntsanyana ya maiteela sebatana e bonwa mabotobotong. Rre Molebatsi o buile jaana fa a buisa banni ba Matebeleng mo phuthegong ya kgotla bosheng. Mme Toto a re nngwe ya dikgwetlho tse a kopanang natso ke ya letlhoko la dipalamo go isetsa bareki ba gagwe dithunya ba ba nnang ko mafelong a a kgakala le fa a rekisetsang teng. Rre Taukobong a re fa mong wa setsha a tlhokafetse ba begelwe gore ba baakanye mekwalo. Fa a buisa diphuthego tsa kgotla mo kgaolong ya gagwe bosheng, Dr Venson-Moitoi o boletse gore dikgang tsa thubetso kgotsa go itseela dikobo ka dikgoka mo baneng le bagodi di kwa godimo. A re mo ngwageng o o fetileng ba ne ba tsere maemo a boraro mo dikgaisanyong tsa go supa kapari mo kgaolong ya Francistown, mme dikatso tsa dikgaisano tseo tsa ba thusa ka ba ne ba kgona go reka didirisiwa tse di neng di tlhaela. A re ntswa puso e thamile mananeo a a farologanyeng go lebega bontsi bo atile la thuo ya dikgomo le dihutsane,mme ka jalo a ba gwetlha go batla metlhale e mengwe gore ba seka ba lwela mmaraka ba le bantsi. Mokhanselara Sebutlenyane o lebogetse thata maiteko a tsweletseng a go tokafatsa seemo sa dikago tsa sekole se segolwane sa Lempu kwa Salajwe, se e rileng bosheng sa tlhaselwa ke bolwetse jwa go tekesela. Mogokgo o kaile fa bana ba sekole ba ba dirang sentle ba felela ba tswelela sentle le botshelo, mme seo se fokotse dipalo tsa dirukutlhi tse di sa robatseng botsadi le mapodisi. Ralekgotla wa kgotla yoora Ntwayagae mo Kanye Rre Pulafela Ntwayagae o gateletse gore bana ba kgalemelwe ka ke bone baeteledipele ba kamoso. Re na le letshwenyego la bagolo ba e leng gore ba dirisa banana go tsaya madi, ka gantsi e le bone ba etelelang banana pele mo ikopelong ya madi, a supa. Gape o lebogetse thotloetso e a e fiwang ke ba ofisi ya ga molaodi, a re ba mo fa dikgakololo ga mmogo le go lekola kgwebo ya gagwe gangwe le gape. O boletse fa banni ba motse oo ba ngongoregela gore go setse go tsere lobaka ba sena kgosi, mme e bile jaanong ba batla go itlhophela kgosi e e leng ya bone. E ne ya re morago ga sebaka sa dingwaga tse tlhano re setse re kgobokantse ra laela kwa madirelong a Bush Tea jaanong re batla go ya go itshimolela kgwebo e e leng ya rona ga tlhalosa Mme Mosinyi. Kgosi Bimbo a re bogadi bo a farologana go tswa fela mo go reng a bo ntshediwa bana ba ba tsholetsweng kwa ntle ga nyalo kana mosadi fa a tsena mo nyalong, a supa fa gape bo farologana ka dingwao tsa merafe ka go farologana. A re go botlhokwa go supa dipoelo tsa bone tsa kgwedi le kgwedi. A re kwa tshimologong kgwebo e ne e le boutsana ka bontsi jwa batho ba ne ba sa itse sepe ka yone. Kgosi Rapula Bampusi wa kgotla ya Riverside kwa Maun a re ga a jesiwe diwelang ke ditlhabololo tse di saletseng morago mo kgotleng ya gagwe. Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi leo, mothusa molaodi Rre Bigboy Mangwa o ne tlhalosa fa e le go atametsa ditirelo gaufi le setshaba, le gone go tsosolosa dikomiti tsa metse. Mo go tse dingwe, Rre Thamane o kgadile batho ba ba dirisang bana botlhaswa jaaka banna ba ba ntshang bana basadi, le ba ba itseelang dikobo ka dikgoka mo go bone, gammogo le bomme ba ba kgokgontshang bana. O ne a ikuela mo botsading jwa motse go kgothatsa ba ba agetsweng matlo ntleng le go ba kgopisa. Mme Gabathusi a re segopa se se sa itsagaleng se, se ne sa roba mme yoo meno mme ba inaya naga. Rre Rietz, yo o dingwaga tse di masome a mane le boraro, o supile fa a sa le a tsenye mo kalafing ka ngwaga wa 2016, morago ga go fithelwa ka mogare wa HIV. Kgosi o kopile morafe go tsaya letsatsi leo ka tlhoafalo, a bo a supa fa ba tlhoka banana gore ba dire tiro e ka manontlhotlho. O ne a supa fa BTU e lebanwe ke dikgwetlho tsa go ntsha barutabana badiredi ba ba faphegileng, a re seo ke go ba tswala melomo le go ba itsa go bua ka ditshwanelo tsa bone. A re banka ya FNB e beela kwa thoko selekanyo sa 1 per cent ya dipoelo tsa yone tsa ngwaga le ngwaga go kokoanya madi ao aa thusang setshaba, a supa fa go simologa ka ngwaga wa 2001 FNBB e setse e dirisitse madi a a fetang P40 million mo ditirong tsa bopelotlhomogi. O ne a ba gakolola gore ba ntshe ka lerato le boteng jwa pelo ya bone yotlhe. Go leka go busetsa seemo mo taolong, Rre Kwape o kaile fa ba dule ka methale e akaretsa go bula mokgatlho wa tshedilo maikutlo kwa sepateleng sa Mookane mme se ba se tshwaraganetse le baithuti ba sekole sa ithutelo booki. Le fa go ntse jalo, Mme Alone o tsweletse a tlhalosa gore o leka ka bojotlhe go dira ditiro tse di farologaneng tsa Setswana jaaka go rulela matlo a bojang le go dila malwapa a batho go itshetsa. Madi a a kgobokantsweng a ya go thusa ba ba tlhokileng lesego ba bo ba feleletsa ntlo ya moruti le go agela Mogome le Madiaele leobo la fa ba ka obameleng teng. Rre Olopeng a re tiro ebadiri ba lephata la gagwe ba e dirileng e e tsereng dingwaga di le tlhano gowela ke nngwe ya ditiro tse Tautona wa lefatshe leno a di rotloetsang e bile adi gogang kwa pele. Monna wa dingwaga tse di masome a matlhano le borataro o tlhokafetse morago ga go thulwa ke koloi kwa motseng wa Makopong mo kgaolong ya kgalagadi borwa. A re fa Batswana ba ka dirisa lenaneo la ESP go simolola dikgwebo jaaka tsa dikoporase le bojanala ba ka kgona go imolola lefatshe leno mo go diriseng madi a mantsi go reka dijo le dithoto kwa mafatsheng a mangwe ka jaana le tlaa bo le kgona go phadisana le mafatshe a mangwe mo mmarakeng. Mookamemdi yo o wa banka ya Barclys wa motho mosweu ka letso o ne a fiwa dimpho le go apesiwa kobo ya magagolwane le tukwi ya setswana e le tsela nngwe ya go tlotlomatsa ngwao ya setswana. O ne a supa fa dikereke dingwe di le kgatlhanong le sepolotiki ba dumela gore ga se ka fa tsamaisong. Bangwe bagolo ba motse wa Makobo mo kgaolong-potlana ya Tonota, ba tsweletse ka go ema katlego ya seelo se nokeng le gone gore ba se salele morago tebang le go nna le lesedi la thuto ka jaana ba tsena thuto ga-e-golelwe. A re le mapodise a a itebagantseng le bogodu jwa leruo a tlaabo a tsamaya kwa merakeng ya kgaolo ya Serowe go netefatsa gore diruiwa tsa batho di sireletsegile. A re motho ga a a tshwanelwa go bereka ka go salwa morago, ka jalo mongwe le mongwe o tshwanetse a nne le maitlamo a go ntsha maduo fa a leng teng. Mokwaledi wa kaboditsha o tsweletse a lekodisa phuthego ka molao o mosha o mogo one ba ba ikabetseng lefatshe ba yang go le amogwa ka tiriso ya molao o mosha wa go gapa dithoto di akaretsa dikago tse di seng ka fa molaong. Mmamatlotlo wa kereke eo, Mme Lesego Mmese, o ne a bolela fa maikaelelo a mogwanto e ne e le go itebaganya le ditlhaelo di akaretsa kago ya ntlo ya motlhoki le go thusa kokelwana ka ditlamelo tsa balwetse ba ba okelwang kwa malwapeng, Kgosi Jack Motswakhumo wa Lentsweletau, ene o kopile puso go tsepamisa thulaganyo ya go thusa ka madi batho baba weditseng dikotlhao tsa kgolegelo go thusa go godisa dikitso tse ba di bapetseng kwa dikgolegelong ka go ka thusa go bulela bangwe ka bone diphatlha tsa mebereko. A re komiti ya bone e itemogetse gore nako dingwe bana ba kgona go timela ba tswa dikoleng mo ba felelang ba batlwa le ke mapodisi, a gatelela fa go le botlhokwa gore batsadi ba ise bana ba bone, bogolo jang ba ba saleng babotlana kwa sekoleng le go ba tsaya sekole se tswa. Mothusa tona o kgothaditse banni go iteka ka go dirisa mananeo. Ka jalo o ne a rotloetsa kereke gore e nne le dithuto seka dipuisanyo, go rotloetsa maloko go inaakanya le mananeo a a molemo a puso. A re gape o dira ka bojotlhe gore fa go na le ditshupo gope fela kwa a ka kgonang go ya go rekisa teng, a iketleetse go ya go supa le go rekisa ditlhare tsa gagwe; e le tsela ya go latela bareki kwa ba a bong ba le teng ka dipalo tse di botoka. Rre Lorato o ne supa matshwenyego a magolo mo batsading ba ba sa tseyeng karolo mo tlhokomelong le mo kgodisong ya bana ba bone. Se se builwe ke tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Dr Pelonomi Venson-Moitoi kwa phuthegong ya kgotla kwa Mokgware bosheng. A re mafatshe mangwe a tlhoka kagiso ka jalo Batswana ba seka ba tsaya motlhofo gore kagiso eo e tsile fela a bolela fa kagiso e itirelwa. A re o setse a kile a tsenelela ditshupo tsa ba lephata la tsa bong le tsa lephatla la banana, metshameko le ngwao, tse di neng tsa mo godisa ka a ne a kgona go itsege le go rekisa dithoto tsa gagwe teng. A re bana bangwe ba ba nang le bogole ba tlogelwa ba le nosi ba sena tlhokomelo, jaaka batlhokomedi ba bone ba kgarakgatshega go batla mafulo a matalana. A re thata thata borre segolo jang ba ba nang le bana ka kwa ntle ga lenyalo bone ba sokodisiwa ke bomma bana. Kgosi Kachana o tsaya setilo sa bogosi jwa motse wa Tshesebe morago ga loso lwa ga rangwanaagwe, Kgosi Kedifentse Kachana yo o tlhokafetseng ngogola morago ga go mo tshwarelela bogosi go tloga ka 2001 fa Kgosi Matsapa Kachana rraagwe kgosi wa nako eno a sena go tlhokafala ka 1999. Mme Tendani o supile fa go le gantsi batho ba tla go ikuela fela morago ga go anywa dithuto tse ba di tshwarang e ka tswa e le mo dikgotleng, dikokelwaneng kgotsa kae fela kwa setshaba se kokoanang teng. Rre Moses Thokwane, yo o tlwaelesegileng ka leina la Jabu, o dira kgwebo e e bidiwang Jabu’s Food Express. Mme Nthabi o kgadile a sa boele morago mokgwa wa baratani wa go becha(go neela mokapelo wa gago madi kana dimpho tse di turang ) mo go senang boikarabelo kana go sa tlhokafale, a tlhalosa fa o rotloetsa kgokgontsho ka o tsala dikgotlhang kana dipolaano fa botsalano jwa baratani bo setse bo fela. Se se supilwe ke katlego ya ga Rre Lucus Ditsele,molemi wa merogo mo kgotleng ya Tlhomaditlhotse kwa Mahalapye. O tlhalositse fa Artesia a le gaufi le masimo le meraka mme seo se baka gore batsadi ba seka ba itse ka dithuto tsa bana ba bone ka ba le kwa merakeng gantsi. Le nna ke ne ka boela kwa lwapeng, le fa gone ke ne ke na le pelaelo ya gore o ka nna a bowa. E rile a botswa ke lekgotla gore o raya jang fa are motho o ne a polotika, e sere gongwe ba mo utlwa ka tsa ga morakile, Rre Dikhuhang a araba ka gore, go polotika go a farologana, go mefuta mme ke belaela gore jaaka a ne a ntse a tsamaya a ema ema le batho ba ba fodileng jaana, ke belaela gore o ne a ba okela mo go tlhopheng phathi e a leng leloko la yone ya Domkrag. O tlhaloseditse lekgotla gore ke mongwe wa ba ba neng ba eme mo boemong jwa ga Rre Mogalakwe ba lebeletse ba ba dirang tse di duleng mo tseleng. Mme Mandevu a re go ne go amegile baithuti ba le masome a mararo le bobedi, a tlatsa ka go re molelo o ne wa tlhagoga baithudi ba sena go ya dithutong. Erile a ba kgwa dikgaba, mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha Rre Ellard o ne a supa fa ba ne ba tsile go lekodisa makhanselara ka se se diragalang ka ikwadiso ya ditsha. E rile a tswa la gagwe mookamela lekalana la matlo, Mme Keabetswe Ramakgwa a tlhalosa fa lenano leo le okeditse madi go tswa mo go P60 000 go ya kwa go P90 000 morago ga go lemoga fa ditlhotlhwa di palame. Fa a baya pele makhanselara pego ya lephata la gagwe, mogolwane wa lephata la tsadiso ya leruo, Rre Bueno Mokhutshwane o supile fa ba na le kgwetlho ya tiego ya dituelo tsa ba ba rekisitseng leruo mo go bakang gore baikopedi ba tseye sebaka se se leele go bona thuso. A re o tshwanetse go nna le tirisanyo mmogo mme go didimala ga go a siama. A re letlhoko la koloi mo ofising ya ga molemisi le ba ketefaletsatiro ka ba sa kgone go tsamaya le masimo go bona tswelelo pele ya balemi,ofisiya ga molemisi le yone e nnye. Mogolwane wa tsa botsogo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba Mme Matildah Tema le ene o ne a iteela legofi bobelotlhomogi jwa masole. O ne a ba kopa gose emele gore a bitse diphuthego tsa dikgotla go la ba ntsha matshwenyego. Gangwe le gape, o kopile goromente go sekegela bagodi segolo bogolo batlhoki tsebe, ka go ba fa maneneo a a maleba a ba ka itshetsang ka one. Mabapi le molao kakanyetso wa palo ya go tlhamiwa ga dikereke, banni ba dumalanye le palo ya makgolo a mabedi le masome a matlhano kgotsa go feta, ba re dikereke tseo di na le seabe mo go weleng tlase ga maduo a bana ba dikolo ka ba sa kgone go ithuta ka ntata ya dikereke tseo tse di lalang di tlhodiya bosigo jotlhe. O ne a ba gwetlha go nna ba lebile metsamao ya bana, ba batlisise gore fa ngwana a se yo mo lwapeng o a bo a le kae, a na le bomang, a dira eng. A re seemo se se a ba thatafalela ka gore le fa b aka oketsa palo ya mapodise a Morwamosu kgwetlho kgolo e ntse e ya go nna ya boroko. A re jaaka ba tsaya sekole jaana ba tlaa nna fa fatshe ba buisanya le barutabana gore ba dire ka natla ka keletso ya bone ke go bona sekole se ntsha maduo a mantle. A re ga a kitla a itlhoboga ka se a se dira ka lorato e bile a se direla go ruta a se mo kgwebong. Le fa go ntse jalo, a re tswakanyo kgwebo ke leano lengwe le le bolokileng kgwebo ya gagwe. Le fa go ntse jalo, Rre Tsheole o ne a tlhalosa mo potsolotsong gore go lebega fa dipeo tseo di tswa mo khamphaning nngwe e e ikwadiseditseng go aba dipeo. A re mangwe a matlo ao ga a rulelwa sentle ka bojang bo ntse bo sa bonale dingwaga tse tlhano tse di fetileng ka ntlha ya go tlhoka pula; ka jalo matlo ao a na kwa godimo, mme a kolobe le kwa tlase, seo se dire gore a phutlhame. E re ntswa seemo sa go diragatsa lenaneo la nyeletso lehuma mo kgaolong ya Mokwena se tshwenya, go supa fa mo Mokwena dikgebo di letse metsi, seemo se sa tokafale mo jaanong mothusa tona a ipotsang gore a ba Mokwena bone ba tlaa bo ba le fa kae fa 2017 a goroga. A re gape go ntsifala ga baroki ba ba itebagantseng thata le go dira paka ya bana ba sekole mo Sojwe go dira theko boutsana. Fa a tswelelela, Mme Matseka o ne a tlhalosetsa banni ka fa motse gape o leng leswe fela thata ka teng. O kgothaditse batsadi go tlhomamisa gore bana ba tlhokomelwa ka go tsaya ditirelo tsa kokelwana, ka jalo a kopa batsadi go supa dikarata tsa bana fa ba ba isa kokelong. Setlhogo sa letsatsi e ne e le go ‘tiisa go lwela botsogo le ditshwanelo’. Mokhanselara wa Nswazwi, Rre Norman Pitlagano le ene o supile fa a ema nokeng mogopolo wa go ntsha modulasetilo mo setilong, a re e sale a lemogile bokoa jwa gagwe bogologolo a sena go tlhongwa. O dirile jaana morago ga gore bangwe mo morafeng oo ba ise kgang kwa kgotleng ya ditsheko ba le kgatlhanong le go bewa mo setilong ga ga Kgosi Phologo. Kgosi o rotloeditse morafe wa gagwe go tsaya nyalo tsia. Mme Sefetiso Koogotsitse o supile matshwenyego a go tlhoka morero ga komiti ya ditlhabolo tsa motse oo, mo dikgannyeng tsa go thapela mananeo a tokafatso matshelo a morafe. O supile fa dintwa le dikgobatsano ga mmogo le matshosetsi a polao ba gatisitse dile thataro mongwe le mongwe Assistant Suprintendent Lorato are bogodu jotlhe jwa motlo le diphologo le jone bo ile kwa tlase fela thata, are sale ngwaga ono o simolola ga ba ise ba gatise molato ope wa bogodu jwa diphologolo le gone go tsoma ko ntle ga teseletso tota. E re le ntswa go ntse jalo, batshameki bao ba ne ba sa tlhokomelesege, se se bo se tlama mokatisi go epa mo kgetsing ya gagwe go ba rekela dijo, sengwe se Rre Magagane a kaileng se sa siama. Mo go tse dingwe, Kgosi Chikuba o ne a lela ka tshenyo ya ditlou kwa masimong. Superintendent Sitale a re rre yoo o ne a phuaganya mme yoo le koloi ya gagwe morago ga go mmetelela mme a inaya naga. Monni mongwe wa kgotla ya Lesola a re banni ba tshwenngwa ke go tlhaela ga motlakase ka ba kompone ya motlakase ba supile fa o tlhaela. O tlhalositse fa go se na tirisano mmogo mo go borakgwebo tsa nama ka ba seke ba bega dikgang tsa bogodu jwa leruo. O tlhalositse gape fa ba ruta setshaba go dirisa sekausu kana khondomo ka tsela e e siameng. Se se builwe ke Rre Tibere Tlhogo wa dingwaga tse di masome marataro le bosupa yo o tlholegang kwa Lokgwabe, jaaka a ne a tlhalosa fa go tshela ka bogole jwa go tlhoka maoto go sa mo kgoreletse mo botshelong go ka itirela ka diatla. Mogwanto o ne o tsenwe ke lekgotla la baruti, mapodisi, lekgotla la BOCAIP, MVA, le ba lekalana la ipabalelo tseleng. Kgosi Hube o kuela ba Mahatlhe Ere ntswa legato la ntlha la go thusa ka dijo, go imolola ba ba amegileng mo manokonokong a mogare wa corona le ya motsubong, banni ba Mahatlhe, kwa kgaolo potlana ya Molepolole/Ntsweletau, ba lela gore ba ise ba sekasekwe. Bontsi jwa balemi bao, mo go bone go le Rre James Kebonyekgomo, ba lela ka nngadule le sebokwana, ba tlhalosa fa di kgoreletsa maiteko a go ntsha thobo e kgatlhisang. O buile fa kgwebo e batla botswerere le bopelotelele gore e tswelele, ka a kgona go roka ditlatlana tsa gagwe masigo kgotsa makuku a naka tsa kgomo mme e bile a kgona go fetsa go loga tlatlana mo dioureng tse e seng tsa sepe. Rre Chilimba o buile seo kwa dithuto-puisanong ka go senka dikgakololo go baakanyetsa togamaano ya ditlhabololo ya boferabobedi kwa Nata ka Mosupologo. E rile aba kgwa dikgaba moeteledipele wa kompone ya Estates Construction Rre Issac Rasesia ee le yone e agang maemelo a dipalamo, a tlhalosa fa ba etse seemo tlhoko ebile batlaa se tsibogela. O tsweletse a re ba dirise diphatlha tse ba nang le tsone mo matlwaneng a bone a borutelo go dira mafelo a go balelwang mo go one kana go dirisa ofisi e e sa berekeng mo sekoleng go nna yone lefelo la motlobo wa dibuka. Seretse Khama Ian Khama ka Laboraro Ngwanaatsele a tlhola malatsi a le lesome le boraro kwa motsaneng wa bone, ba tlhalosa gore leina la Qabo ke leina la mokau o neng a tsalwa ka nako ya fa ba thibelela. E re le fa go ntse jalo o ne a re khansele e tshwanetse go tla ka ditselana tsa go ka tlosa matlakala mo toropokgolo, o ne gape a re mo mafelong a go lemilweng motlhwa le ditlhare tse di kgabisang go tswanetswe ga nna phepa ka nako tsotlhe. A re khuduga eo e ne ya dira ditirelo dingwe jaaka kabo ya ditlankana tsa bone tsa metse le masimo go nna madiadia. O tlhalositse fa dithoto jaaka megala ya matheka, dibalamakgolo e le tsone tse dilalome di itebagantseng le go di amoga batho. A re tsela eo, e tlaa fefosa mosepele wa batho ba ba berekelang ko Gaborone le gone go fokotsa mosuke mo tseleng e tona ya A10. A re o dumela gore dithuto tse ba di fang bomme di tlaa thusa gore ba ba sa kgoneng ba seka ba nna ba boelela go ima kgapetsakgapetsa. A re banni ba tshwanetse go nna le tirisano mmogo gore ba kgone go atlega mo go tse ba di dirang. O supile fa ba sa tlhalosediwe ditsetla tsotlhe ka botlalo nako e le nngwe mme se se dire gore ba boe kgapetsakgapetsa kwa diofising go kopa thuso mme se se ba kgoba marapo. Banni ba tlhalosetsa ditso tsa Qabo O tlhalositse fa maduo a ka tokafala fela fa batsadi, barutabana le boeteledipele jwa metse kana bana-le seabe botlhe ba ka tshwaragana le go nna le tirisanommogo le go tsaya karolo mo dithutong tsa bana. Rre Keitsetse o supile fa ba dira matlapa a a nang le boleng e bile a ka seke a ngongoregise moreki a tlatsa ka gore gape ditlhwatlhwa tsa bone ke tse di utlwalang. A re temana eo e ba ruta gore lefoko la Modimo le na le maatla ka jaana kwa tshimologong Modimo o ne a tlhola legodimo le lefatshe ka lefoko fela. Go bolelwa fa e ne ya re Phatwe a tlhola ga bedi, kwa Mmatema-tema ba utswa dithoto tsa P13 500 tsa ga Mme Montshwari. Go sireletsa diteemane boikarabelo jwa botlhe A re batho bao, ba neetswe go jesa dikole borotho le go di rokela paka ya sekole kwa metseng ya bone, seo ele gone go batiisa moko gore ba itshetse. Mothusa tona mo lephateng la tlhabololo temo- thuo le dijo, Rre Konstatinos Markus a re puso e sekasekile go tsweledisa dithuso tsa phokoletso ditlhwatlhwa tsa dijo tsa leruo e lebeletse leuba le le mo lefatsheng leno ka bophara. Ba re morago ga go gogela rakonteraka morago, ga gona ope yo o kileng a tla go ba lekodisa ka seemo. A re botaki ke sengwe sa tse a di beileng mo pelong ya gagwe gore o tlaa di dira botshelo jwa gagwe jotlhe gore bangwe ka ene ba rotloetsege go dira ditiro tsa diatla. Mme mo go one makgolo a matlhano a ikgapetswe ke moithuti yo o gaisitseng botlhe e bong Memory Jacobs. O gakolotse banana go ikgapha mo lenaneong la Ipelegeng ka le sa ba lebagane, a tlhalosa gore ke la morafe wa motse o o sa lebaganwang ke mananeo a banana le a mangwe. A re mo bogompienong bareki ga ba ise ba tlhaloganye sepe ka dithunya mme a kaya fa bareki ba tlhoka thuto e e tseneletseng ka dithunya. Le fa meraka e le lefelo le go ruelwang mo go lone, ba moraka wa Marulamantsi kwa motseng wa Zoroga mo kgaolong ya Tutume ba bone go le botlhokwa go tlhama setlhopha sa kgwele ya dinao e le tsela ya go itshidila maikutlo gape e le go itsa banana go tsaya karolo mo nnotaging. A re mongwe mo motseng wa Lerala o ka bo a ne a lemoga seemo sa boora Makgolwane pele se lemogwa ke baeng ba ba tsileng Lerala ka tsa tiro. Batsadi bangwe ba tlhaga mo go tshwaraganeleng tiro ya bana ba bone le barutabana ka go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana le gone go lekola dithuto tsa bana. A re ba ruta batho go ikgaratlhela ka jaana go le mo pontsheng gore sepe se motho a sokotseng go se fitlhelela o se tlhokomela botoka go na le se a se filweng fela ene a puthile matsogo a sa dire sepe. Rre Seretse, yo e bileng e le tona ya peeletso, papadi le madirelo, o kopile morafe go dira mo go tweng mosele-wa-pula o epiwa go sale gale, ka go rulaganyetsa ruri ditiro tsa go tlhabolola kgaolo eo, ka madi a P10 million a dikgaolo, ka jaana e tlaa nna selo sa ngwaga le ngwaga. Mogolwane wa tsa ngwao kwa motlobong wa ditso kwa Serowe, Rre Skobinolo Lekhutlile a re puso e rotloetsa gore bana ba fiwe nako ya go rutwa ka ngwao mo dikoleng. A re moletlo o wa Ko Chomeleng Culture Festival, o o neng o tshwaretswe kwa mabaleng a ditshupo a Selebi Phikwe ka setlhogo se se reng Ka Ngwao re ka Tsoga, o kgonne go ngoka bagwebi ba ba botlana mo toropong ya Selebi Phikwe le metse e e mabapi. Rre Molatlhegi o kopile banni ba kgaolwana ya Naledi, ba Naledi borwa, legare le bokone go tlhwaafalela thuto ya bana. Kgwebo ya gagwe e thapile monana a le mongwe. Rre Motoma a re ka jalo go a tshwanela gore kgaolo e nne le mokgatlho wa mofuta o. A re kika e tona o e rekisa ka diphoisane tsa mabele di le pedi. Kgosi Kegapetswe o ne a kopa baruti gore ba rotloetse diphuthego tsa bone go tsaya karolo mo ditiragalong le dipaakanyo tsotlhe tsa go ipelela boipuso. A re batsadi ba ga ba a tshwanela go baya fela mo barutabaneng. A re gape o ne a buisana le mongwe wa bagwebi gore a thape monana mongwe mo lelwapeng leo mme ba dumalana. O ne a rotloetsa gore fa ba sweditse go tlhama lekalana la bone la mokgatlho ba tlhophe batho ba ba ikanyegang go tlhokomela dibuka tsa madi mme le bone e le maloko ba tlhomamise gore ba tlhodumela dibuka beke le beke go bona gore a dilo di tsamaisiwa ka fa tshwanelong. Dipalo tse di kwa tlase mo metseng mengwe di kailwe e le kgwetlho e kgolo e e amang kgolo ya dikgwebo tse di direlang mo metsaneng. Rre Maele o tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng e le lenaneo le le sa kgethololeng mme le direletswe Motswana mongwe le mongwe. O tsweletse ka go bolela fa dipalo di supa gore bontsi jwa batho ba ba kgokgontshiwang ke bo mme. Badiri ba LEA ba supile seo kgwedi eno e tlhola letsatsi jaaka ba ne ba abela lelwapa loora Balo kwa Vukwi pompo ya metsi, tshingwana ya merogo le go tsenya terata mo lwapeng la bone, tse tsotlhe di lopileng P9 000. Kgosi o ikuetse jalo a amogela mothusa tona ya dikgaolo le tlhabololo ya magae Mme Botlogile Tshireletso mo Kanye bosheng. Mme Sekgwa a re motse wa gagwe o o ntseng o sena mapodisi o thusiwa gape ke go bewa ga mapodisi a a tlhokometseng leruo la bogodu le le sa ntseng le tshegeditswe mo motseng oo, mme o supile fa maloko a, a dira tiro ya bone bosigo le motshegare ka tshwaragano le one mapodisi a. Fa a tlhalosa ka fa dikole di agilweng ka teng ka setlhopha sa kgaolwana ya thuto, Mogokgo Esther Molelo o ne a re sekole seo se simolotse go tsaya baithuti ba ntlha ka 1989, se le mo kgaolong ya botlhatlhobi jwa dikole jwa Palapye Bokone, mo kgaolwaneng ya Palapye e e nang le dikole tse dipotlana di le masome mararo le bosupa, se wela mo kgaolwaneng ya MOKGADI. E rile a bula semmuso phuthego ya khansele-potlana ya Letlhakeng Rre Tshenyego a supa fa ba lephata la botsogo ba kanoka batho botlhe ba ba kileng ba etela kwa mafatsheng a a amilweng ke bolwetse joo, a Asia le Yuropa, jo bo setseng bo bolaile batho ba feta makgolo a matlhano. Batswana ba rotloediwa go obamela melao Ba supile fa ba sa itumelele ditshwetso tse di tsewang bogolo jang kwa makgaola kgannyeng ba supa fa baatlhodi ba sa itse sepe ka gore mmino wa Polka o binwa jang le gone gore gotwe motho o o bina sentle a bo a bina jang. Ba re selo seo se a ba tlhobaetsa, mo jaanong ba belaelang fa ba ka tswa ba bewa bobi matlhong ka tsela e ba e solofeditsweng. Mme Belemo o tlhalositse gore maikaelelo a gagwe ke go fetola matshelo a banana a dirisa mmino wa sekeresete. O ne a kopa gore batho ba nne ba itlhwatlhwaetsa go bega nako e sale teng fa ba belaela mong ka bone a ka tswa a timetse. O kaile fa seemo se sengwe se bakiwa ke go tlhoka go godisa bana sentle, ka a re fa go ka inaakanngwa le kgodiso e e maleba ya bana go ka namola setshaba mo mathateng a mantsi a a tsalwang ke go sa godisang bana sentle. A re ere ka jaana go thubega ga malwapa go golela pele Botswana ka kakaretso, borre ba tshwanetse ba ema ka dinao go fetola seemo ka go intsha mo dikgannyeng tseo. A re sekolo sa gagwe se lebanwe ke kgwetlho e tona ya bana ba ba tshabang sekolo mme batsadi ba sa thuse go ba busetsa sekolong. A re mo bo gompienong ba kopa dithuso tsa dijo,diaparo le metsi mo bathong gore bana bao ba kgone go ya sekolong. Bome o tlhatlositswe maemo A re batsadi ba supile fa go se na kwa ba ka latlhelang teng mabotlolo a melemo e ba thusiwang ka yone kwakokelwaneng. Rre Samson a re godimo ga moo go tlaa bo go kentiwa bana ba basetsana ba e leng gore ga ba tsene sekolo le bone ba le dingwaga tse di ferang bobedi go ya ko go tse di lesome le boraro. A re lwantsheng borukhutli - kgosi Barui ba ditonki ba batla tlhwatlhwa e okediwa A re Phalana tsa Lekgarapa e setse e ribolotse ditalente mo bananeng ba Palapye le metse e e mabapi, a kaya fa ba ipelafatsa ka banana ba ba nang le ditalente tsa go opa diatla, go opela le go bina mebino ya Setswana ka go farologana. A re ba gwetlhilwe ke gore balemi-barui ga ba dirise tsela sentle ba tsamaya ka dikotsekara di sa bonale bosigo ga mmogo le dikoloi tse di sa itekanelang, mme se se kgoreletse babereki ba moepo fa ba dirisa tsela bosigo. A re mo nakong ya gompieno ba na le keletso ya go leka go tlhabolola lebala la metshameko. Ka jalo, Kgosi Mosweu a re batsadi ba tshwanetse go boela morago mokgwa oo wa go kgaupetsa dithuto tsa bana. O boletse fa dikole tsa Materspei College le Francistown senior le tsone di dirile bontle. Rre Marumola a re boloko jwa mokgatlho o, bo botlhokwa gore motho a bo a na le boikarabelo jo bo tseneletseng ka ke tiro ya go boloka matshelo. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Kgonkane o kaile gape fa tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso le go tlhoka motlakase kwa kokelwaneng ya motse e santse e le kgwetlho ka jaana badiri ba berekela mo diemong tse di thata jalo a ikuela mo pusong go tsibogela seemo seo. A re mo nakong eno ele ba khansele ba gatile monwana gore goromente yo mogolo a dumalane le bone ka dikakanyetso tse. O buile jalo ka Labone kwa Shoshong jaaka ba ofisi ya thuto mo Mahalapye ba ne ba rulagantse tiro ya go tsibosa setshaba ka thuto e e faphegileng e e fiwang ba-na-le bogole. Kgosi Sekai a re e setse e le selo modiro go lwela bogosi mo gae, a supa fa ene mo kgolong ya gagwe, a fitlhetse go sena mo gontweng kgosi o a tlhophiwa. O ne a tswelela ka go tlhalosa gore ba kgonne go kwadisa mokgatlho wa bopelotlhomogi wa Lamodimo Charitable Organisation ba bo ba fiwa setsha gone ko motseng wa Sese, mme se tlhoka go agiwa gore ba se tsenye mo tirisong. O ne a tlhalosa gape fa ba tshwenngwa ke letlhoko la metsi mo kgotleng ya gagwe mme seo se ame dikgwebo le madirelo. A re puso e na le mananeo a thotloetso ya bomme, le banana ga mmogo le setshaba go se ntsha mo lehumeng. Fa a tswelela, a re mo nakong ya gompieno o isitse kopo kwa lephateng la banana go kopa madi a tlatso. Puso e ka se kgone go hira mongwe le mongwe, ke ka moo e tsileng ka mananeo a dithuso tsa madi go dira dikgwebo, e le sebaka sa go rotloetsa Batswana gore ba itirele dikgwebo go imolola puso mokgweleo wa khiro, a tlhalosa. A re ga gona sepe se se tlang motlhofo mo botshelong fa o sa bereke ka natla, a tlhalosa fa ene a ne a ithuta ka thata go bo a le fa a teng. Fa ba fa bopaki ka fa ba lekang go kgothatsa bana ka teng, leloko la komiti ya tshireletso bana ebile e le morutabana wa bokaedi kwa sekoleng se se botana sa Majwanaadipitse, Mme Obakeng Mbaiwa o boletse fa ba leka thata kwa motseng oo, go bopa bana ka go etela metse ya bana le batsadi ba ba sa ba tlhokomelegeng sentle, go bona gore ba ja sentle bogolo jang ba dikhutsana. E rile bosheng Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Mahommad Khan, a supa fa a tshweneyegile ka go bo Molepolole e le motse o motona go feta metse yotlhe mme o le kwa tlase ka ditlhabololo. Kgosi Pharithi a re dikotlhao di tshwanetse go gagamadiwa kaseemo se bifile mme magodu a lemogile fa dikotlhao di le kwa tlase. Mo go la gagwe, Kgosi Basiamang Garebakwena le ene o ne a nesetsa mafoko a ga ramapodisi pula a re a mantle ka seo se tlaa bopa motse le go fokotsa borukutlhi. Barutabana ba maloba ba na le seabe Seabe sa batsadi konokono mo bokamosong jwa baithuti Mme Morwe o ne a tlhalosa fa ba itlhaelwa ke diofisi tsa mapodisi, mogala le badiri ka jaana mapodisi ba le babedi fela, a tlatsa ka go re ga ba na lepodisi la maemo a magolwane . A re se se supa fa banni ba leka ka thata go nyeletsa lehuma le go itshetsa ka mohuhutso wa diphatla tsa bone. O tsweletse ka go bolela fa go ngomola pelo go bona Batswana, segolo jang banana ba eleng bone babusi ba kamoso, ba tlhokafala ka dipalo tse di kwa godimo mo dikotsing tsa tsela ntswa ba dikomiti tsa ipabalelo tseleng, ba sepodisi sa Botswana gammogo le ba lekgotla la Motor Vehicle Accident Fund ba tsweletse ka go ruta setshaba ka ipabalelo tseleng. O kopile batsadi go ema ka dinao go bona gore ba bua le bana ba bone gore ba ba lemotshe bodiphatsa jwa nnotagi le gore ba itshenyetsa bokamoso. A re go baakanngwa ga dipone ga go potlakelwe. A re fa Motswana a tswela kwa mafatsheng a mangwe a ipolela gore o tswa kwa lefatsheng la Botswana ba a ba ikitsisang ba mo amanya le kagiso e e renang mo lefatsheng leno. Rre Kepaletswe Kenosi yo e leng mongwe wa masika a mosadi, o tlhalositse fa ngwana wa ga kgaitsadie a boloketswe kwa Palapye ka Sontaga fa wa monna ene a boloketswe kwa Ramokgonami gone ka Sontaga. Go ne go bonala fa banni ba ne ba sa bolo go emela letsatsi la go keteka boipuso jo ka botlhe ba ne ba kgabile ka diaparo tsa mebala ya folaga ya lefatshe leno e e nang le botala jwa loapi, bosweu le bontsho. O kopile morafe le bogogi go thusa puso go lwantsha seemo sa mofuta se se ngomolang pelo. Rre Mokgethi o tlhalositse ka lenaneo la puso le a reng jaaka baithuti ba ikopela diphatlha kwa dikoleng tse dikgolwane tsa ithutelo tiro, go tlhoka gore ba bo ba fitlheletse seelo se se beilweng sa dintlha tse di masome mararo le borataro. A re ka thuto-puisanyo e, setshaba se tlaa nna le sebaka sa go tlhaloganya gore ba tsee dikgato dife mo dikgannyeng tsa borukutlhi, go iphapha mo borukutlhing, le gore morago ga go bega dikgang di tsamaya jang go fitlhelela di felela kana go tla kwa dikatlholong. Fa a bua ka tse di amang banka ya Barclys o ne a kaya fa maikaelelo magolo a bone e le banka eo e le go thusana le puso mo go tsenyeng letsogo tlhabololong ya morafe le setshaba ka kakaretso lefatsheng leno le gone go thusa mo go tshwakanyeng itsholelo eseng fela go ikaga ka diteemane. O supile gore sengwe sa tse di ka pakang seemo se, ke go bona barutabana ba ba rutetsweng go ruta ba-na-le bogole ba ntse ba oketsega. Khansele e ne ya seka ya iteela ntle bana ba ba nang le diemo tse di thata tsa botshelo, ba dingwaga tse 6 go ya go 9, ka ba ne ba isiwa kwa Radisele le Seolwane go ya go rutuntshiwa teng, ba tswa mo metseng ele merataro. A re banni ba kgaolo e, ba tshwanetse ba amogela go tshela le bolwetse joo, a bo a re ga bo farologane gope le bolwetse ja AIDS ka go lebega bo tlaa tswelela bo itshupa kgapetsa kgapetsa. A re disanke tse di neng di ruletse leobo di sa senyega tsotlhe ka jalo morafe o ka di dirisa go busetsa leobo mo seemong. A re ka jalo go botlhokwa thata gore badirelapuso ba e leng bone baanamisi ba mananeo ba ikgolaganye le morafe gagwe ka go rulaganya malatsi a tshwana le go isa ditlamelo kwa setshabeng le go rulaganyetsa bagwebi ba ba thusitsweng ka mananeo a tshwana le la nyeletso lehuma letsatsi la mmaraka go rotloetsa dikgwebo tse dipotlana. Mme Lesole are o itemogetse fa bangwe ba felela ba dipampiri tsa Dailynews di feta bobedi mme e le tsa letsatsi le le lengwe. Morago ga simololwa lerothodi le le thibelang mogare o, ka jalo re le ba botsogo re le kopa go ikgologanya le rona ka dinako tsotlhe go bona gore ngwana wa gago ga a tlolwe ke kalafi epe, Rre Kwabala a tlhalosa. A re kgwetlho e nngwe e tona mo kgaolong ya Bobirwa ke bolwetse jwa tlhako le molomo, mme ntlhopheng wa bopalamente Rre Shaw Kgathi ga a buiwe sepe ka yone, a tlatsa ka gore bone e le ba BCP ba re go tsenngwe terata ya motlakase gore leruo le diphologolo di seka tsa kopana letsa lefatshe la Zimbabwe. A re morafe o atlile dinkgo tsa bone mo bangwe ba kgonang go di beeletsa. Bangwe banni ba nongoregile ka go sa bona thuso epe fa ba ikopela dithuso tsa mananeo a a lebaganeng banana le bomme le mororo ba fetile ka lekalana la LEA. O ne a tswelela ka go kopa le botlhe ba ba dirisang bana gore ba itse fa bana ba ele bone bogogi jwa kamoso ka jalo ba ba somarele gore ere ka moso lefatshe leno e bo lena le boiteledipele jo bo popota. A re seemo se se dira gore motho a felele a nna le bana ba le bantsi mme a felele a palelwa ke go ba fa tlhokomelo e e tsepameng mme botsogo jwa bone bo felele e le jwa seemo se se tlhobaetsang. O tlhalositse fa ISPAAD e duelela ditshenyegelo tsotlhe tsa temo fa molemi a lemile dijo tse di jewang ke batho. Rre Mokwena o buile mafoko a ka Matlhatso, fa a ne a simolodisa dikgaisanyo tsa mabelo di rulagantswe ke ba lephata la tlhabololo banana metshameko le ngwao kwa Lobatse. Molaodi o ne a supa fa mo setshabeng go na le bangwe ba ba dirisang dipuo tsa gore bone ga ba kake ba ntsha sa bone go thusa ngwana wa motsadi yo mongwe, ka jalo a re ke bopelontle go bo ba thusa bana. A re leseng go nwa majalwa le bana ba rona. A re bana ba sirelediwe mo mogareng wa monang ka masole a bone a mmele a ise a nonofe ka jalo ba tshwanetse go robala ka fa tlase ga masire. A re ba amogetse dikago tseo ka di wetse ntswa go setse fale le fale mme ba na le tsholofelo ya gore mo nakong ya malatsi a a supang go tlaa baakanngwa mo go setseng. Setlhopha sa khansele ya Kgalagadi le sone se ne sa bona seetsele sa solofera le paka ya setlhopha. Rre Mogolo a re balemi ba tshwanetse go dirisa dipeo tse ba nang le tsone jaaka Sekgwathama le mororo puso e tsweletse ka go ba ema nokeng ka go ba neela peo. O ne a tlatsa ka go gakolola batsadi go tsamaya le bana kwa dikerekeng ka seo se ka ba aga go simologa ba sa le ba botlana. Letlhogo tshweu lengwe le le tlholegang kwa Kang mo kgaolong ya Kgalagadi, Rre Keakabetse Mogaga yo o dingwaga tse di masome a marataro le boraro o dira ka gotlhe go tshegetsa ngwao ka go suga matlalo a dira dikgole. Mme a re puso e ne ya bona go le maleba gore ba ntshe mananeo a a ka tshetsang setshaba se se rategang sa Botswana. Mokwaledi wa ga Tautona gape e le mokwaledi wa khuduthamaga ya matona a puso, Rre Carter Morupisi o kopile badirelapuso ba toropo ya Sowa go tla ka methale e e tlaa ngokang babeeletsi le go tsosolosa toropo eo. O boletse fa a ne a nna le lenyora la thuo e ya dinotshi mme nna le maikaelelo a go itshimololela thuo ya gagwe. Leina la Kgosi ya Lesenepole le santse le padile A re mmabontle o tlaa bo a tshwaretswe kwa ntlong lohalahala ya Dilolwe gompieno, nako e le ya bosupa mo maitseboeng. O ne a tlhalosa fa ba botsogo ba na le beke e go itebagantsweng le go kentela bana malwetse a a ka felelang a ba tseela botshelo. Rre Mabeo o kaile gore le fa ntswa bangwe ba ngongoregela gore tsela eo, ke tsela ya masimo o tlhalositse gore tsela eo, e tlaa tsosolosa mohama wa temo-thuo le gone go fetlha maiteko a go ntsha dijo ka bontsi ka tsela e tlaa tlhofofatsa gore ditswa tshimong di goroge ka bofefo ko mmarakeng. One a tshwaela gore banni ke bone matlho ago ka itse gore ditlhabololo le ditlamelo di tlhaela hakae mo motseng. Mopalamente o ne araba ka go re molao wa re mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itlhophela gore o seka kae, a bolela fa ba makgotla a ditshaba le balwela ditshwanelo tsa setho ba bolela fa mongwe le mongwe a na le tshwanelo e bile a sekake a bonwa molato kgotsa a tlhatlhalelwa ruri a ise a seke. Mme Berman-Mosime a re ba itemogetse gore gantsi fa motse o tlhongwa batho ba bitsa ba bangwe gore ba tle go ipaya go ise go bewe gore fa go bewa ba akarediwe mo teng. A re seemo se, se batla go tsibogelwa ka bofefo, e seng jalo bagolo ba tsile go tlogela temo ka bontsi. O ne a tlhalosa fa kereke eo, e tlhamilwe ka 1934 kwa Afrika Borwa, mme mo Tsabong e gorogile ka 1984. Dikotsi tsa tsela di oketsegile Mme Kgomotso Kesekang, yo o dingwaga tse di masome mane, ke monngwe wa ba ba akotseng lenaneo la banana go simolola kgwebo ya kapei ya borotho. E rile batho ba dikgotlana tsa Dilaene, Parwe le Mmadipheretlha ba akgela mo diphuthegong tseo, ba iteela mafoko a ga kgosi megolokwane e bile ba bolela fa ba setse ba tlhophile dikomiti tse di baakanyetsang boipuso mo dikgotlaneng tsa bone. O boletse fa kompone ya Motswedi Laundry e tlhamilwe ka maikaelelo a go tsamaisa kgwebo ya gagwe ka fa se molaong gape a re o supa gore o ne a ile dithutong. O boletse gore go ima ga bana ba dingwaga tse di kwa tlase go tsweletse ka go golela pele mo kgaolong potlana ya Tsabaong mme se se supa fa banana ba le bantsi ba tsena mo tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang ba santse ba le babotlana mme seo se dira gore ba tsene mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetsi a dikobo kana HIV/AIDS. Go botlhokwa go tlhaloganya gore tiro ya rona e berekela mo tsamamisong ya molao, mme ebile ga re baatlhodi. Ditlhwatlhwa tsa gagwe di simolola ka P120. A re mo boemong jwa moo, banana ba setse ba ikaegile ka lenaneo la Ipelegeng, le a tlhalositseng e le la nakwana, ka jalo ba sa tshwanela go ikaega thata ka lone. Ba ne ba lelela mo go mopalamente gore a kope puso gore e ba epele didiba tse di dikologileng motse wa bone gore le bone ba tle ba kgone go itshetsa ka maneno a puso a a duleng jaaka a nyeletso lehuma le masingwana tsa merogo. O tlhalositse fa ditlhabololo tse, di ne di dirwa ka maikaelelo a go tlhamela banana le morafe mebereko mme di ka tokafatsa matshelo le metse ya bone. Peo ya ga Rre Isaac Dipuo semmuso, yo e leng kgosana e e sekisang e be e atlhola, e tlaa bo e tshwaretswe kwa Ga-segwagwa ka Labotlhano. A re ka ntlha ya se, go thona gore komiti ya batsadi le barutabana yone e bo e santse e ise e akanyediwe le mororo e dira tiro e ntle. E ne bosheng a beke kompone e e tlhokomelang kampa ya moepo wa Jwaneng, ya Servest Integrated Solutions ya etela bana ba Lamodimo Charitable Organisation ko Sese go ya go ba abela malao a le masome a mabedi ga mmogo le go teratelela bonno jwa bone. A re ba kentise bana ka nako ba bo ba netefatse gore ba tsaya mekento jaaka karata ya kokelo e supa. Bomme ba, ga ba a ipona tsapa go tokafatsa matshelo a bone ka jaana ba ne ba tswa ka megopolo e ka yone ba ka inamolang lehuma. O tsweletse a re kgokgontsho e diragala letsatsi le letsatsi, e bile dipalo di golela pele le ditsela tse disha tse e tlang kana e diragalang ka tsone. Moemedi wa Batswana ba ba nnang kwa eSwatini, Mme Semakaleng Mthethwa yo o nyetsweng teng, o boletse fa ba santse ba tsogile mme a supa fa a itumeletse go tlhongwa ga ga Tautona Masisi thata le khudu thamaga ya gagwe. O rile go botlhokwa thata go lema ka ditselana ka go na le maduo a a botoka fela thata. O tsweletse a tlhalosa gore ba ba amegileng ba kgona go senya bosupi a afa sekai ka dikgang tsa thubetso gore ba ba thubeditsweng ba kgona go tlhapa ba bo ba tshuba le diaparo tse ba neng ba di apere ka nako ya tiragalo, selo se a reng se ngotla bosupi. A re go nna ba bewa kwa morago ga matlo go lebalwe mme ba newe tlotlo e e tshwanetseng. Dikoloi tsa rona di ne di bapile thata, di kgomana ka mabati. Rre Petelelo a re pele go agiwa matlwana ao, gone ga tla morongwa a tswa kwa ofising eo go tla go seka-seka seemo se ba neng ba tshelela mo go sone mme a lemoga botlhokwa jwa go aga matlwana a boitiketso mo malwapeng ao. Mmaboipelego wa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Mme Maureen Lefifi a re ntswa go santse go lebega bontsi jwa banana ba tseela thuto ya tiro ya diatla kwa tlase, e botlhokwa fela thata mo nakong eno e lefatshe leno le nang le mathata a tlhaelo ya ditiro. A re puso e eme balemi nokeng ka jalo ba tshwanetse go ititaya ka thupana go bona gore ba lema dijo tse dika tshetsang lefatshe leno. Thapelo ke makgonatsotlhe Bangwe ba ngongoregetse go sa akoleng lenaneo la Nyeletso Lehuma ka ntata ya go tlhoka didirisiwa ntswa ba morago ga thutuntsho ba ne ba solofetse go inamola mo lehumeng, ba bo ba kopa puso go potlakela seo. Fa a tswa la gagwe, Mme Kerekang o ne a kopa babereki bao go tlogela mokgwa wa go tsena morago ga nako le go nyelela fela mo tirong. O gateletse gore badirelapuso ba gololesegile go tla ka megopolo go abelana le ba bangwe ka fa ba akanyang dilo dingwe di ka dirwa go tokafatsa maduo mo tirong ka teng. Rre Moahi a re ba ntse ba kopanetse setsha le ba sekole sa ithutelo tiro ya diatla sa Ramatea mme ba tshelela mo dikgogakgoganong, ka jaana ba Ramatea ba ne ba sa duele metsi le fa e le motlakase. Moeteledipele wa setlhopha se, Mme Ndu Ngwako o tlhalositse se morago ga leeto la molaodi wa kgaolo ya Bobirwa, Rre Mompoloki Mochanang bosheng. ISPAAD e tsweletse kwa Bobonong Mo kamogelong botsadi joo, jo bo neng bo patilwe ke Mopalamente Kgotla Autlwetse, Mogokgo Boikhutso Mokomane o ne a re letsatsi leo le botlhokwa ka ba kgonne go bona le mopalamente yo ba sa kgoneng go mmona ka mabaka a tsa tiro. Kgosi kgolo Lotlaamoreng wa Barolong o gwetlhile mekgatlho go rutuntsha dikomiti tsa yone tsamaiso e e tsepameng go thusa go ntsha maduo. Bishop Gaotloge o ne a gatelela mafoko ao ka a a mo Baebeleng, a a reng Modimo o ne a tsisa Jesu go tla go swela dibe tsa batho mo lefatsheng a tlatsa ka gore e le kereke, ba bone gore le bone ba supe lerato la bone mo bagoding. Rre Motshegwe o ne a kopa ba ba neng ba tsile merapelong eo go netefatsa gore ba fetola ka fa ba dirisang dikoloi tsa bone ka teng a tlatsa ka gore le gone go obamela matshwao a tsela go ka thusa go fema dikotsi tsa tsela. A re ke ka moo Tautona a neng a simolodisa lenaneo le ka ngwaga wa 2010, a tlhaba mokgosi ko dikomponeng, makalana a a ikemetseng, ga mmogo le setshaba ka kakaretso gore ba tsenye letsogo. Ba Itsoseng Bagolo Pottery ga ba itebe dinala Arch Bishop Mereyabone o buile mafoko a mo potsolotsong le BOPA bosheng. O tlhalosa gore motho fa a tla go ikuela ko go bone ba batla setlankana sa lenyalo mme ba kopanye botsadi jwa boo babedi go bua kgang. A re seemo se se ngomola pelo fela thata ka jaana se kgobisa boraditerekere marapo mme a ikuela mo go ba ba maleba go se tsibogela. A re sebaka se santse se le teng sa gore bana ba ba dirang dithuto tse di sa itebaganyang le tsa maranyane ba ka di fetola ka mo nakong ya gompieno sengwe le sengwe ke se se tlhokang gore motho a bo a ithutetse tsa maranyane. Go ne go sha logong go sala molora kwa Tsabong jaaka ditlhopha tsa mmino wa Polka di le lesome le bosupa di ne di iteisana borathana mo go ipaakanyetseng dikgaisano tsa malatsi a ga tautona. Motshwarelela mookamedi wa lekalana la ditlamelo tse di faphegileng kwa lephateng la thuto go tswa kwa moding, Mme Victoria Ramaribana a re ba-na-le bogole ba na le tshwanelo ya go fiwa boswa jwa thuto fela jaaka mongwe le mongwe. O ne gape gwetlha puso go tsenya letsogo mo go tlhokomeleng tshaba eo ya kamoso. O gakolotse setshaba go tsena mo nyalong ka gobo nyalo e fa motho seriti. O boletse fa bangwe ba ipoeletsa mo melatong ya mefuta eo fa go twe ba emele tsheko kwa ntle ga kgolegelo. E rile mothusa mokwaledi go tswa kwa lephateng la banana, metshameko le ngwao a bua kwa Sikwane kwa kamogelong ya molelo wa kgolagano a re ngwaga ono Botswana o tlaa bo a ipelela dingwaga tse di masome matlhano a ntse a ipusa e bile gape tebelopele ya 2016 e tlaa bo e tla bokhutlong. Boeteledipele jwa Ngware mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng bo supile fa bo tshwentswe ke go nowa phetelela ga nnotagi mo motseng wa bone, bogolo jang ke banana. Tshimo ya ga Rre Luka e kwa Shashemoke go bapa le noka ya Shashe, e a dirisang metsi a yone go nosetsa. Mme Naolakgosi o tlhalositse fa ba kokoantse madi a a fetang dikete tsa dipula di le masome a mabedi le bone, dikgomo tse nne go balelwa le ya ga tona, dipodi di fera bongwe le dijo dingwe. Rre Boikarabelo Balo o ne a leboga go menagane, a re mpho eo e tlaa ba fa seriti se se tshwanang sa malwapa a mangwe. Ba nna ntle le teseletso Mongwe wa bagolwane kwa kerekeng eo, Mme Toteng Motshidisi, o ne tlhalosa kwa ba tswang teng le tse ba kgonneng go di direla morafe. Mme Jimmy o tlhalositse fa balemi ba tshwanetse go tshuba seolo fa ba fetsa go bolaya khumagadi ya motlhwa. O ne a supa fa ope yo o sa kwadiseng setsha sa gagwe lefatshe ka bophara a tlaa se amogiwa mme se abelwe ba bangwe. Mme Kokoro a re sekole se na le dikgwetlho di le mmalwa tse di tlhokang go tshwaraganelwa le batsadi, a re mo bogompienong bana ba santse ba tsenela ka fa tlase ga ditlhare, selo se a reng se ngomola pelo, bogolo jang mariga. A re kwa ntlong ya gagwe ga a ke a reka mokgabisa ka o itirela wa gagwe. A re dikgwetlho tsa temo ga di a tshwanela go ba kgoba marapo mme ba tshwanetse go nna pelotelele go bereka ka natla.Bokhutlo Ka jalo a re madi a ba a kgobokantseng ga a ise a lekane go ka dira maikaelelo a bone. A re o ikaelela go dira ka natla go feta fa a dirileng ka teng ngwaga oo fetileng go leka go tokafatsa maduo a gagwe. Makhanselara a Bokone Bophirima a dumalane ka bongwefela jwa pelo go fetola ka fa ba ntseng ba tsamaisa tiro ya khansele ka teng ka maikakelelo a go tlhabolola maduo. Rre Thapedi o ne a bua jalo kwa kabong dimpho ya sekole sa Moeng College bosheng. Mme Nteta o gwetlhile basetsana ba Boikhutso go tsaya boikarabelo jwa go dirisa mesangwana ka fa go tshwanetseng le go bona gore e e dirisitsweng di latlhwa ka tsela e e ka sekang ya kgotlela tikologo. E rile mo potsolotsong le BOPA, Mme Boingotlo yo o dingwaga di masome a marataro le bongwe a tlhalosa fa e rile ka ngwaga wa 2013 ene le bomme bangwe ba le batlhano ba ikopela lenaneo la go intsha mo lehumeng. O ne gape a gatelela kgang ya go fudusa ikwadiso, a supa fa seo se le ka fa molaong, a tlatsa ka gore kgang eo e ama babereki thata. Barclays bank Palapye e abetse sekole sa Ratsie A re moono wa bone ba o simolotse ngogola mme le mo nakong ya gompieno ba tsweletse ka one. Motse wa Letlhakeng o tla a keteka letsatsi la ngwao kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome mabedi le borobabongwe. E rile ba akgela, banni ba supa fa serudumo sa boipuso se nyelela mme maikaelelo a bone ele go dira tsotlhe tse ba ka di kgonang go se busetsa ka go tshologela mokete oo ka mmetela le gone go tsosolosa ngwao ka go supa mmino le metshameko ya maloba. O supile fa a tshwenngwa ke go nna maoto a tshupa ga banni mo go tseneleleng diphuthego ntswa komiti ya ditlhabololo e le yone palamente ya motse, a tsibosa fa dikopo tsa bone di ka seke di arajwe fa ba sa tseye diphuthego tsia ka dipalo tsa bone e le tsone di ba buelelang mo maphateng a puso a a farologanyeng. A re ba ba ntseng ba sa beye sebete Nata Development Trust ba tlaa bona gore go na le maduo mme ba simolole go ba ema nokeng le go lwantsha tshenyo e e dirwang kwa Nata Bird Sanctuary. Tautona Lt Gen. O ne a re phatlha ya bogosi e nngwe fela, mme e bile ka tsamaiso ya tsetlana ya tsamaiso ya bogosi e letla gore go ka ntshiwa leina ke beng ba motse ba le mo seemong se ba neng ba le mo go sone mo kgotleng. Le fa go ntse jalo, o ne a rotloetsa bagwebi go tlhomamisa gore ba thapa badisa dikago le go isa dipoelo tsa thekiso kwa mabolokelong a madi go na le go a tlogela mo mabentleleng ka jaana a a bo a sa sireletsega. Rre Batshu o ne a bolela fa puso e itse ka seemo seo mme go lekwa ka bojotlhe go arabela selelo seo. Balemi ga ba a kgojwa marapo ke seemo sa loapi Sekole sa Diloro se gaisana le dikole di le lesome le boferabongwe tsa kgaolwana ya botlhatlhobi jwa dikole, se bo se wela gape mo palong ya dikole tsa kgaolo ya Legare tse di makgolo mabedi, masome a matlhano le bosupa, seo se bo se se baya mo maemong a sephatlo mo lekgolong sa dikole tse di dirileng sentle mo kgaolong yotlhe. A re gape sekole se sebotlana sa Fredrick se kopile kgotla nngwe le nngwe go ba thusa ka madi a a ka tshwarang sekete, go ipaakanyetsa moletlo wa dingwaga tse di masome a mane ka jalo le bone ba batla go kgona go a ntsha. A re ngwana o tshwanetse go fiwa sebaka sa go itse batsadi botlhe go tswa kwa letlhakoreng la kwa ga mmaagwe le la ga rraagwe. Rre Ramotsabababa o kaile fa ele barutabana, ba leka ka bojotlhe go nna ngata e le nngwe le botlhe ba ba amegang gore sekole seo se tle se ntshe maduo a a kgatlhisang. Dr Kedikilwe o tlhalositse fa go le botlhokwa go somarela tse puso e ba di diretseng gore ba bo ba nale se ba se supang mo isagong , a bo a ba kgothatsa go tsaya ka tlhoafalo mananeo a puso e a ntshitseng go tokafatsa matshelo a bone. A re bajanala ba nna ba etela motse wa bone go tla go reka dilwana tsa bone, a tlatsa ka go re tse dingwe ba di romela kwa Maun le madirelo a a fitlhelwang koo. Rre Monare o ne a re go tlhokega sekole se sebotlana sa bobedi mo kgaolwaneng ya gagwe ya botlhophi go imolola se se teng. Banni ba Bokaa mo kgaolong ya Mochudi Botlhaba ba lela ka letlhoko la metsi kwa motsing oo. Thotloetso e,o e buile maabane mo dithuto puisanong tsa bakgweetsi tse ba neng ba di rulaganyeditswe ke ba komiti ya ipabalelo tseleng mo Tsabong. O ne gape a bua a sa kgwe mathe ka mapolotiki mangwe a a kaileng fa ba nale mokgwa wa go utswa batlhophi kwa dikgaolong di sele go ba tlisa mo dikagolong tsa bone go tla go ba tlhopha, mme a supa fa seo e le molato. Mokhanselara wa Tati Siding Mme Ruth Dlodlo ene o ne a lebogela morafe go tsena tiro eo ya ditebogo ka dipalo tse di kwa godimo. Fa batswa la bone balemi ba kgaolo eo ba supile fa ba santse ba tlhaela kitso ee tseneletseng ka temo mme ba akgola balemisi gore ba bereka ka thata goba ruta go lwantsha diji le mohero. A re kgatiso ya gagwe ya setlhogo sa Mme Belemo o tsweletse a re o kgonne go dira kgatiso ya gagwe ka thuso ya Moruti Macdonald Ndlovu wa Bible Ministries mme go ne go se motlhofo. O file sekai are nama ya tonki e ka dira dinama ka mefuta di tshwana dipolone disalami digwapa, le mokungwana mo go tse dingwe. Inspector Masole a re bakgweetsi ba dikara tsa ditonki le bone fela jaaka badirisi ba bangwe ba tsela ba kgona go tshwarwa fa ba kgweetsa ba nole. O ba tlhaloseditse gore jaaka motse o tlhomamisitswe jaana, ba mo seemong sa go agelwa kokelwana, sekole se sebotlana le kgotla. A re go botlhokwa gore batsadi ba itse se ba ka se dirang go thibela mathata a tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi. A re go tswa goo lowe Batswana ba ntse ba dirisa ditonki e bile gape ba na le dijokwe le matege mme mo nakong ya gompieno didirisiwa tseo ga di sa tlhole di le teng ka jalo a supa fa lenaneo la ISPAAD fa le ka emisiwa bontsi jwa Batswana ba tsile go tshelela mo lehumeng. Mme Ramosiane a re mananeo a,puso e a diretse Batswana, ka jalo a ba kgala a sa kgwe mathe a bo a bagakolola go emisa go a neela batswakwa. Rre Monyadiwa a re ngwaga ono gape e itebagantse le go rapelela boipuso e le bontlhabongwe ja go ipela, go tlotlomatsa mebala ya lefatshe leno ga mmogo le go rotloetsa mowa wa popagano. O gakolotse banana bao go dirisa sebaka se gore ba itshimololele dikgwebo, a kaya fa gape ba ruta bana ba basetsanyana maitsholo a a eletsegang le gone go tswa ka maano a a ka fedisang dikgwetlho tse ba kopanang le tsone gore e nne bomme ba ba nang le boikarabelo le seriti mo setshabeng. Molaodi a re thutopuisano eo e diragetse ka nako e e siameng ka gonne ka Moranang, Motsheganong le Seetebosigo mo kgaolong eo go nna le dibetso tsa tlholego di tshwana le merwalela le melelo ya naga. A re dipodi tsa gagwe ga di tshabelelwe ke go jewa ke dibatana ntswa a ruetse mo lefatsheng la morafe ka a na le dintsa tse di disang e bile a nna a itshwaragantse le ba ofisi ya matlhoko a leruo. A re ga a jesiwe di welang ke go goga dinao ga batsadi fa go tla m o thutong ya bana bogolo jang ka ba palelwa ke go tsena diphuthego tsa sekolo go utlwa gore matsapa di a tsaya kae. O ne a gwetlha bana ba basetsana go itlhokomela ka go tsaya mebele ya bone jaaka tempele ya Modimo, mme a ba rotloetsa go tlhwaafalela dithuto tsa bone, go na le go itewa tsebe ke dilo di tshwanang le mesokelatsebeng, dikoloi le madi. O boletse fa tiriso ya lefatshe le ditsatlholego, go rengwa ga ditlhare, tiriso ya menontshane gammogo le kgotlelesego ya loapi ke mesi ya dikoloi le tsone di ama seemo sa loapi fela thata. Rre Maele a re go botlhokwa gore e re molemi a lema a leme mo go lekanetseng gore a kgone go tlhokomela dijwalo tsa gagwe a bo a kgone go ntsha dijo tse dintsi. Rre Ramogapi o ne a re khansele e tsweletse ka go tlhaelelwa ke dikarata tsa theko, ka jalo go bonya go di abela ba ba tshwanetseng go di abelwa mme go a lekwa gore ba di bone. A re motho yo o batlang go nna leloko la boithaopo jwa twantsho borukutlhi o tshwanetse go bo a ise a dire borukutlhi gope. Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane, o gomoditse boora-Shanganya kwa Mmadinare morago ga gore bana ba le babedi ba tlhokafale ba sena go tsewa ke metsi mo molapong oo ralalang motse. Le fa go ntse jalo, o ne a gakolola bomme le basetsanyana go itlotla ka go apara diaparo tse di sa senoleng mebele ya bone, selo se a reng se ka fokotsa dikgang tsa petelelo. Ba supile fa metsi a tlhaela fela thata mo Kanye mo bangwe ba kgonang go tsaya kgwedi tse pedi ba sa tlhape le go nwa, fa matlwana a boitiketso a a dirisang metsi gone go le maswe fela thata. A re le ntswa a tlhaloganya fa kgang ya go tsennga ga sekonotere e se e e bonolo ba ka lebogela maiteko a go e gopa gore e kgone go tsamaega.Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse mme Mmashale Kinnear o lela ka bothata jwa go sa tshwareng ga letshwao la seromamowa sa RB 1 gore le ba kgoreletsa go itse dithulaganyo le mananeo a puso. Mopalamente wa Kgatleng Botlhaba o kopile banni ba Mmathubudukwane go dirisana le makalana a semolao go tsibogela dikgang tsa kgokgontsho ya bana. A re ba tlhobaediwa ke gore ga gona le ha e le mokgwasa ope ka se se bakileng tiego e kalo le mororo ba babaletswe thata ke tlala. O gwetlhile borre go tsena lenaneo la diritibatsi le go netefatsa gore ba obamela ditaelo tsa ba botsogo ka jaana bontsi bo ka kgona go tshela lebaka. Fa ba akgela, makhanselara a kopile gore kakanyetso ya kgaoganyo ya madi a khansele e ne e tla ka nako gore ba kgone go akgela le go baakanya tse di tlhokegang gore di ka baakanngwa mo go yone. O tlhalositse gore keletso ya gagwe ke gore banana ba balekane ba gagwe le bomogolowe ba ikaege thata ka Modimo ka go sena se ba ka se kgonang kwa ntle ga thuso ya Modimo. A re banana ke bone ba amegang thata mo bontsing jwa dikotsi. O kaile fa dithuso tse dingwe ba di neilwe ke bagwebi bangwe mo Lerala mme ntlo ya agwa ke baithaopi. Rre Mzwinila a re tshwaragano le tirisanyo mmogo ya morafe le puso ke tsone fela tse di ka dirang gore bolwetse jwa tlhako le molomo bo nyelele mo kgaolong ya bone. Balekane ba Botswana ba supa kutlwelobotlhoko O boletse fa e nnile mosepele o moleele go baakanyetsa tiro eo, e bile go ne go se motlhofo go goroga fa ba leng teng. Fa a leboga, mothusa kgosikgolo Kgosi Kebapetse Telekelo o ne a akgola Kgosi Malope a ba a kopa dikgosana go tsaya malebela mo go ene. A re ba batla lenaneo le ka lone ba ka kgonang go kgobokanya borre fela gore ba kgone ba itlhatlhobele mogare wa HIV, gore ba itse seemo sa bone nako e le teng mme ba tsee dikgato tse di maleba. A re molao o o gagamaditswe go letla gore motho ope yo o ka bonwang molato ka go gweba ka diritibatsi a tseelwe dithoto tsotlhe tse a di ikgobokanyeditseng. A re e rile fa ba tswa kwa dithutong tseo ba simolodisa kgwebo e ba neng ba tlhatswa diaparo ba dirisa dimashini. O ne a re toropo e leswe gape ga gona melawana e e gagametseng ka jaana matlakala a gasagasame le toropo e bile e le leswe le le ka bakang malwetse le monkgo. Banni ba metse eo ba lebogile mothusa tautona go bo a ne a na le mowa wa tirisano mmogo, lerato le tlhompho ya mongwe le mongwe. A re banana fa ba eletsa go tsena mo kgwebong epe fela, ba kgothale go inaakanya pele le bagwebi ba kgwebo ya go nna jalo gore ba ba abele dikitso le maele. Bomme ba kereke ya The Holy Christian Apostolic Church In Zion ba rotloeditswe go tshegetsa malapa a bone ka tumelo ka e le yone motheo wa malapa a sekeresete. Rre Keatlholetswe a re se ke mmoono wa lephata, go tokafatsa matshelo a setshaba se ba se fang ditirelo, a tlatsa ka gore ba tsena mo dikoleng go ruta baithuti ka ipabalelo tseleng, mme dipaakanyo tse di tlaa dira go re go nne bonolo gore bana ba tseye molaetsa fa ba rutwa. Mopalamente wa Kgatleng Botlhaba Rre Moagi Molebatsi o kopile Batswana go obamela melao ka e le yone e e thusang puso go tsamaisa lefatshe. O tlhalositse fa ba tsenelela ditshupo tse di farologaneng go bapatsa dinkgwana tsa bone mme ba rutane maele le ba bangwe. E ne ya re ka Matlhatso, mokgatlho wa Botswana Homeless and Poor People’s Federation (BHPPF) wa tlhatlhelela banni ba Moroka ka botlhokwa jwa go boloka madi. Ba Goo-Tawana ba a itharabologelwa A re batho ba le 124 ba kgonne go thusiwa ke ba boipelego, mme ba kgonne go rutuntsha ba le 62 mo ditirong tse di farologaneng jaaka go dira moriri, kapai ya borotho, go roka, go apaya le go rekisa dijo. Ba tlhalositse fa batho mo motseng ba na le kgatlhego mo go se ba se dirang mme ba re barotloetsi ba bone ba popota ke batho basweu ka jaana ba ne ba reka difala le ditlatla ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo gone kwa Sherwood Market Day. Mme Temane-Temane o rotloeditse ba ba neng ba tsene tiro eo, ba bontsi jwa bone e neng e le bomme go lemoga fa go boloka madi, segolo jang letsatsi le letsatsi go na le maduo a mantle a mo tsamaong ya nako a ka ba thusang go fitlhelela ditoro tsa bone go sa kgathalesege gore di bogolo bo kae. O tsweletse a supa gape gore ba na le kgwetlho ya metsi fa e sale go gokelwa dipompo tsa dikarata. A re mo isagong o ikaelela go dirisa letlalo la mmantota (natural leather) go dira dilwana ka a tlhalosa fa batswakwa ba rata bobe dilwana tse di dirilweng ka letlalo leo. A re gompieno makhanselara ga na nako e ntsi ya go rerisanya ka dikgang tse di amang batlhophi ba bone ka go le gantsi ba patelesega go akgela mo pegong e modulasetilo a ba e beileng pele. O ne a leboga mopalamente go bo a bone go tshwanela go tla go ba baya pele mananeo a a dumalwaneng kwa palamenteng a supa fa kgaolo ya bone e aparetswe ke dikgwetlho tse dintsi. Mo potsolotsong, mapodise a Tutume a boletse fa e rile ka Mosupulogo ba kuelwa mokgosi, o o neng o ba tsibosa fa go na le setopo se se senyegileng kwa sekgweng gaufi le kgotla ya Magapatona. A re gape o ne a na le thotoetso e e nitameng go tsweng mo botsading jwa gagwe. O boletse fa puso le lephata la gagwe ba lwantsha ntwa kgatlhanong le tlala, letlhoko la ditiro le gore Batswana ba nne le dijo tse di lekaneng, jaanong sebe sa phiri ke gore ba ithetse moriti o tsididi fela ba batla ba direlwa e se nama. Puso e lebogela seabe sa batsadi ba ba tsereng boikarabelo jwa go tlhokomela le go godisa bana ba masika le ditsala ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi. Mokwaledi wa khansele ya Legare, Rre Godimo Garegope, o kopile babereki ba khansele potlana ya Tutume go nna seopo sengwe go tsholetsa serodumo sa kgaolo ya bone. Banni ba Tonota ba rotloeditswe go nna le seabe mo go lwantsheng HIV/AIDS. A re ba kabo ditsha ba setse molao le ditsamaiso tsa molao motheo morago a tlatsa ka gore go ipaya fela ke molato go ya ka molao le ntswa go na le mabaka a a tlamang go dira jalo. Rre Reatile o ne a kopa gore molelo wa kgolagano o golaganye baruti gore go seka ga nna le ba ba reng bone ga ba tsene lekgotla la baruti, a re yo o buang jalo a itse gore ga se yo o agang ke yo o thubang. Rre Seoko o boletse fa bontsi jwa batswakwa ba ba tshwerweng ba fitlhetswe ba bereka mo merakeng le mo masimo, fa ba bangwe ba tshwerwe ba gweba mo Bobonong ka dithoto tse di sa letlelelweng go rekisiwa mo lefatsheng jaaka metsoko le dipilisi tse di thibelang le go senya boimana. Kgosi Masunga o ne a re ba palo potlana ba ba ka dirang tiro e Kgosi Magapatona a e dirileng mme a re kgosi ke mogaka gareng ga bagaka. A re kgaolo eo e faraferwe ke madubadube a dikgang tse di sa rarabologeng ka jaana bontsi jwa batho ba ba amegang ba tsweletse ka go ikgatholosa go dirisanya le ofisi ya gagwe. A re o lemogile fa bagodi ba bolaiwa ke bodutu mme a re se se dirilweng ke kereke eo se molemo fela thata a supa fa go le gantsi bagodi nako ka bontsi ba a bo ba le nosi mo malwapeng. A re gole gantsi batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ntswa bana le bana eyare go hulareng ga bone, bana ba bone ba sale ele dikhutsana ntswa batsadi bana le dithoto tse bana bao ba ka itshetsang ka tsone jaaka dikgomo, dipodi, malwapa le masimo a gantsi a ikgagapelelwang ka ba masika. O supile fa motlobo oo o fa bana sebaka sa go ithutuntsha kgotsa go oketsa dithuto tse ba sa di fiweng mo matlwaneng a bone a borutelo. Mothusa tautona Rre Slumber Tsogwane o buile jalo pele ga letsatsi la botsalo jwa morena mo metseng ya kgaolo ya Boteti bophirima jaaka a ne a abela bana ba masiela le dikhutsana dimpho tsa keresemose. Mme Berman-Mosime o buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng. O kaile fa bogogi jwa sekole le barutabana ba dithuto tsa bokaedi ba tsere matsapa a go lekola batsadi ba bana ba ba imileng ba dira se ba tshwaraganye le mapodisi, bogogi jwa metse e bile gape ba mo dipuisanyong le ba Child-Line go ba thusa go tlhabana le seemo se. Mongwe wa banni ba masimo ao, Mme Rre Kekgalelmetswe Mojose o supile fa bontsi jwa bone ele batho b aba nnang mo masimo ngwaga goya ngwageng. Fa a tswa la gagwe, mogolwane yo o itebagantseng le tsa pharakano go tswa ko sepodising sa Mochudi, Assistant Superintendent Onthusitse Keitumele o ne a bua a sa kgwe mathe ka dikotsi tsa tsela tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho mo kgaolong ya Kgatleng. Rre Chepete a re kgwebo ya gagwe e mo thusa go lapolosa tlhaloganyo le go phepafatsa tikologo. O kopile batlhophi ba kgaolo eo go tlhopha ntlhopheng oo, a gatelela gore fa ba ka raelesega ba tlhopha phathi e sele e tla a bo e le go itlhaba ka thipa mpeng fela. Superintendent Sitale a re mo tseleng e e yang Sikwane banna bao ba ne ba folosa rre yoo, mme gape ya re kwa pele go bo go fologa banna ba bararo go sala a le mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabongwe yo o neng a sia ka mme yoo kwa a fitlhileng a itseela dikobo ka dikgoka teng. Rre Batshu o ne a re o eletsa go bona ditoro tsa baeteledipele ba Botswana di anama le lefatshe di bo di atlega. E rile a amogela baeng mo phuthegong ee neng e buisiwa ke modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng ka Mosupologo, Kgosi Puleng o ne a supa fa dikgang tse di botlhokwa jaaka tsa mananeo a puso di buiwa mo diphuthegong tsa kgotla, ka jalo a gakolola gore go sa tseneng diphuthego go ka dira gore batho ba salele kwa morago ka kitso. O ne gape a kopa baithuti bao go ikgapha mo dilong tse di tlaa ba itayang tsebe. Mogokgo o tshwenngwa ke go ima ga bana ba sekole Mochudi o rapelela tsela ya A1 Rre Kgathi o kopile ba ba naleng matlo go a tlhabolola gore ba a hirisetse puso. ‘Se rweseng bana morwalo’ A re phepafatso e seka ya nna ya ngwana fela mme go phepafadiwe le yone tikologo e ngwana a nnang mo go yone. O ne a supa fa koloi ya ofisi ya boipelego e senyegile jaanong ba bereka ka go adima dikoloi mo maphateng a mangwe, ka jalo seo se dia ditirelo. Go ya ka Rre Kawina le fa gone morafe o sa dire go lekane go abela ntlo ya ditso didirisiwa tsa setso gone bangwe ba dira go le gontsi. Mo go tse dingwe o supile fa nnotagi mo baithuting e golela pele ka monokela, ka jalo a gwetlha batsadi go nna podimatseba go netefatsa gore bana ga ba rekisediwe ditagi. A re go nale dikgang tsa gore batsadi bangwe ba rekisetsa bana nnotagi, selo se se sa siamang fela thata. Batsadi ka go farologana ba ne ba supa fa ba tletse boitumelo go bo dikeledi tsa bana ba bone di phimotswe. O ne a tlatsa ka gore mo dipalong tse ba setseng ba di gatisitse go supagala fa go ikuela bomme thata fa borre bone ba ikanya go swela fela ka fa teng. Mokhanselara Jautse a re se ke go tshwaraganya setshaba sa Botswana le go tsisa kagiso mme a rotloetsa Batswana go tsweledisa tshwaragano eo le gone gore ditiro di dirwe ka kagiso. Mme Sullivan yo o direlang ko komponeng ya Mascom, o ne a ntsha dikete tse tlhano tsa dipula. O kaile fa baithuti ba sekole seo botlhe ba ka nna makgolo a matlhano le masome a mane go simologa ka mophato wa ntlha go ema ka wa bosupa mme ka ntlha ya tlhaelo ya matlo a borutelo bana bangwe ba tshwanelwa ke go rutelwa mo ofising ya barutabana. Rre Keledi Ntwaagae wa Mmashoro yo o dingwaga di 64 ke mongwe wa Batswana ba ba tswang kgakala ba itsege ka go betla e bile ba itshetsa ka gone. Moruti Ramatshaba a re nako e gorogile gore puso e thusiwe ke dikereke, a bolela gore dikereke di ka tsena ntlo le ntlwana go bona matlhoki, gape ka ntlha e nngwe go le botlhokwa gore mongwe le mongwe a ipotse gore ene o dira eng mo diemong tse, a tlatsa ka gore nako e gorogile gore kereke e thuse puso go isa lefatshe kwa Modimo a le batlang teng. Balekane ba Botswana mo kgaolong ya legare ba tsweletse pele ka go ipaakanyetsa moletlo o mogolo wa boipuso. Rre Kgonkane a re lenaneo le le sa tswang go simologa monongwaga la tirelo setshaba le botlhokwa fela thata ka jaana le tlhamela banana diphatlha tsa mebereko e bile ba tsweletse ka go anya botsipa mo badireding ba maphata a puso a a farologaneng. Modulasetilo o akgola khansele Bangwe ba banni ba boleletse tona gore ditiro tsa ESP di akolwa fela ke dikompone ka gore le fa ba thapa batho ba ba amogedisa madi a a ko tlase. Le fa go ntse jalo, tona o ne a lemotsha badirelapuso botlhokwa jwa bana bao mme a ba kopa go ba thusa ka fa ba ka kgonang ka teng, e seng go tlhola ba ba romile manyonyomane le mapakiwa. Ba BORAVAST ba kopiwa go tlotla kgotla Rre Ntheetsang o gakolotse balemi go tshwara ditshefi ka matsetseleko, ka go netefatsa gore ga di amane ka gope le dijo ka di ka baka malwetse a a farologaneng le gone go latlhegelwa ke botshelo fa di sa tshwarwe ka kelelelo. Mongwe wa banni ba motse, Rre Mogogi Kasefitlhela a re ba lemoga maiteko a puso a go tlhabolola mhama wa temothuo,mme fela ba santse ba ledisiwa ke tlhaelo ya dijo le melemo ya leruo kwa marekisetsong a dijo tsa leruo(LAC). Godimo ga moo, Rre Marcelino a re bana ba tshwanetse go nna ba le phepa ka nako tsotlhe mme e bile batsadi ba netefatsa fa ba tla sekoleng ba jele e bile ba itekanetse gore ba seka ba kgoreletsega mo dithutong. Kgosi Segotsi a re e re ka Batswana ba itumelela dingwaga tse di masome matlhano ba ntse ba ipusa e bile ba ipelafatsa ka go simolodisiwa ga lenaneo la go rudisa itsholelo ga mmogo le go khutla ga tebelepele ya setshaba ya 2016 ka kgwedi ya Phalane, go mo maruding a bone e le baagi ba Mahalapye go ititaya ka thupana go bona gore sengwe le sengwe se tsamaya ka thelelo. O tlhalosa fa go tlhoka lefatshe gape go ba busetsa morago mo ditlhabololong ka ba retelelwa ke go akola mananeo a puso a temo-thuo. O kaile fa se se le pharologanyo mo bogompiekong ka theko e ile kwa godimo le Batswana ba tlotlile go ja merogo fa go tshwantshanngwa le pele, ka jalo a kgona go itshesa le go bolokela isago. O tlhalositse fa mokgwa oo, o dira gore modiramolato a tswelele ka tshenyo. Le fa go ntse jalo, Kgosi Puleng o supile matshwenyego ka dikgwetlho tse di ba emeng pele mo paakanyetsong meletlo eo di akaretsa go sa tseneleleng diphuthego ga banana, letlhoko la madi le tse dingwe. Rre Pema o ne a kopa baruti ba Kanye le tikologo gore ba gatele pele ba seka ba boela kwa morago. Rre Seitsang o ne a tswelela ka go tlhalosa fa dithulaganyo tsa phitlho ya ga kgosi di tsweletse sentle mme tsholofelo ke gore o tla fitlhwa kgwedi eno e le masome a mabedi le bosupa kwa Makopong. Bana le bogole ba rutuntshiwa ka tsa kgwebo O ne gape a re ba lemogile gore dipolaano di dintsi mo kgaolong, mme di bakwa ke ditagi, a ba gwetlha gore ba ikgaphe mo go tsone gore ba tle ba age motse o o itsegeng ka tse di molemo. Re seka ra tshaba gore re tla di amogiwa kana jang ka gore gompieno batho ba reka le go rekisa ditsha. Fa a bua mo bokopanong le badirelapuso ba maphata a a farologanyeng kwa motseng oo bosheng ,Rre Batlhophi a re go lemosega fa batho ba metse e e kgakala le ditlamelo ba saletse morago mo go inaakanyeng le mananeo ka ntlha ya go tlhaelo kitso ka mananeo a puso e a ntshitseng a go ba namola mo lehumeng. O bolela gape gore mabelo a thusa gore ba-tsaya karolo ba itshidile mmele, a tlatsa ka go re go botlhokwa go thibela go na le gore batho ba tsenwe ke malwetse a a sa tshelanweng. Rre Motshegwe a re fa esale ngwaga ono o simolola go fitlhela kgwedi eno, go setse go tlhokafetse batho ba le 199, a kaya fa tsela ya A1 e le yone e e gapang matshelo a batho thata. Moruti wa Spirit Embassy, Rre Peter Ngoma o tlhalositse fa kereke ya gagwe e na le makalana ka go farologana go thusa Batswana lefatshe ka bophara. O ne a tswelela a tlhalosa fa ba tlaa dira dithuto tsa beng ba diterekere go ba ruta jaaka go lemiwa le go ba supegetsa ka fa go thubiwang mangwete le go dira gore mmu o lekalekane ka teng. Mo pulo semmusong ya kgwedi ya merapelo kgatlhanong le bolwetse jwa HIV/AIDS kwa mDitshegwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, moruti wa Independent Assemblies of Botswana, Rre Alec Motlotlegi o boletse gore motho wa nama le madi o lekile bojotlhe go ka senka molemo o o ka alafang bolwetse jwa AIDS mme go padile, ka jalo ke gore go lejwe kwa Modimong ka ke ene fela a le nosi yo a tshotseng tharabololo ya sennela ruri. A re go botlhokwa thata gore batsadi ka kakaretso ba rute bana boitsholo jo bo amolesegang ba sale babotlana ka gore go ka thusa gore ba kgone ba itse molemo le bosula, mme go tle go nne motlhofo gore ba ka hema dikgwetlho tse ba ka iphitlhelang ba le mo go tsone fa ba gola. O tlhalositse fa a rata go lema mariga thata ka dijwalo tsa teng di nonofa ka ga di fesiwe ke letsatsi go na le go lema ka selemo ka di jwalo di e swa bogolo jang ditamati, a re o itsetsepetse mo go lemeng e le tiro ya gagwe ya nako tsotlhe, a tlatsa ka gore o bona dipoelo tse di siameng thata mo go rekiseng pherefere ya gagwe ebile batho ba e rata ba e reka thata. Moruti o itumelela seabe sa banana A re mo nakong eno kgwebo e tsamaya sentle ka a rekisetsa setshaba fela ka kakaretso lone lomepe le le botshe la dinotshi. O supile fa a utlwisiwa botlhoko ke go bona banana ba tsweletse ka go rekisa ditsha tsa masimo ba sa di tlhabolole go akola mananeo a puso a tshwana le la ISPAAD a a tlhamilweng go tokafatsa matshelo a Batswana A re go nnile le tshenyetso setshaba e e lemogilweng, e dirwa ke dikhamphani dingwe. Modulasetilo wa khansele, Rre Reaboka Mbulawa o ne a o amogela le ene a re ba ka o leka mme fa o sa ntshe maduo batla o boela morago. A re molelo wa kgolagano ga o kae kgolagano ya lefatshe fela mme o kaya kgolagano gongwe le gongwe mo go tse di dirang di akaretsa kwa malwapeng le kwa ditirong tse badiri ba thapilweng go di dira. Seo se builwe ke mogolwane wa lekalana la merero ya tsa bong, mo lephateng la pereko le selegae, Mme Poloko Sethono kwa thutothutanong e e neng e rulagantswe ke lephata leo mo Fracistown ka Labobedi. O tsweletse a kopa gore go nne le molao o o laolang ditlhwatlhwa tsa magadi, a re batho bangwe ba na le keletso ya go nyala mme ba felela ba retelelwa, ntateng ya tlhwatlhwa ya magadi. Kgosi Lekgothu o ne gape a supa fa go le gantsi a kopana le dikgang tse mo go tsone mongwe wa baratani ba ba saleng ba nna mmogo a tlhokafala mme morago ba masika a yo o tlhokafetseng ba simolole go tla go lwela dilwana ba ipolelela gore ke tsa ngwana wa bone. Rre Markus a re ba ne ba kopana le Tautona go mo itsese ka seemo sa leuba, a tlhalosa fa jaanong phokoletso ditlhwatlhwa e okeditswe go fitlhelela Seetebosigo. Boeteledipele ke namane e tona ya tiro Bogakolodi bo botlhokwa mo lenyalong O tlhalositse gore morago ga go begelwa kotsi eo, mapodisi a ne a ragogela kwa tiragalo e diragetseng teng mme ba feta ba ragosetsa monna yoo kwa kokelwaneng ya Makopong kwa ba fitileng ba mo romela kwa sepateleng sa Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a tlhokafetse. E rile mokhanselara wa kgaolo eo Rre Molatlhegi Jautse a a fa malebo a leboga Tautona Lt Gen Dr Seretse Khama Ian Khama go bo a tsisa mowa wa popagano mo gare ba Batswana. A re dipone tseo ga di supe dikoloi tse di tsenang mo letlhakoreng mme o ne a kopa ba lephata la ipabalelo tseleng go tsibogela kgang eo a re le yone e na le seabe mo dikotsing. Rre Mosweu o ba gakolotse gore mogare wa HIV o sa ntse o le teng e bile ga o tlhaole, ka jalo a ba rotloetsa gore ba itshireletse ka dinako tsotlhe. O boletse fa kgwebo e se maswe mo go kalo ka a kgona go dira P500 letsatsi ka go sila, P300 ka go rekisa dijo tse a di phuthetseng mme ka kgwedi a kgona go dira P12 000. Re dumalane ka bongwefela jwa pelo, ka e bile e le tshwanelo ya gore o ka bo tsaya, ga go ise go nne le ngongorego epe, a supa. Rre Tshepo Masire yo e leng molemi morui ene o ithaopile go thusa ka kgomo, fa ba lekalana la National Food Technology Research Centre (NAFTRC) bone ba ntsheditse mabotlolo a metsi a le makgolo a mabedi, ba Grace Everlasting Industries bone ba ntshitse mabotlolo a metsi a le masome a mabedi le bone. Ba motlobo wa dibuka wa setshaba mo motseng le bone ba ne ba tsibogela kgang e mme ba netefatsa fa ba nna le dipampiri tsa kgatiso ya tsatsi le letsatsi gore ope yo o eletsang go ka e bala a kgone go e latela kwa go bone. Le fa go ntse jalo, bobedi jo, bo tlhalositse gore fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho, le bone ba lebanwe ke letlhoko la metsi segolo bogolo ka dipaka tsa fa dipula di seo. A re se se ne sa mo thusa le go mo neela sebaka sa go ithuta go le gontsi ka kapei ya borotho. O tlhalositse fa ba Lephata la Botsogo le Boitekanelo mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng le bone ba le malala a laotswe go laola seemo se, a supa fa ba setse ba rutintshitse batho ka bolwetse joo le dikai tsa jone. Rre Phuthego a re puso ka nosi e ka se ke e kgone go direla setshaba dilo tsotlhe. O tlhalositse fa se se le botlhokwa ka bareki ba mafatshe a sele ba rata go dira ditlhotlhomiso ka se ba se rekang fa e le leruo e le go bona gore lo jesiwa ka tsela e e ntseng jang le gore le kentwa ka melemo efe. Re tlaa buisana le ba ba kolotang gore ba dire jang go phimola dikoloto tsa bone. Fa a tswa la gagwe, mokwaledi mogolo wa khansele potlana ya Tutume Rre Lawrence Madzinyane a re maikaelelo magolo a lenaneo le ke go thusa Batswana ba dituelo tse di kwa tlase ga dikete tse tharo go itirela bonno jo bo babalesegileng. O ba kopile gape go ilelela ditlhopho. O ne a kopa tautona go ba fa koloi mme e bile e ne a batla ya gagwe ka jaana ba sokola gore ba thuse setshaba mme gape a supa fa ba tshwenyegile ka batho ba ba thubetsang bomme mo tseleng e e yang kwa sekolong se sebotlana sa Linchwe a re o kopa gore go bewe mapodisi go thusa seemo seo. Kgosi Mosinyi o ne a supa fa go ka nna ga tsaya lebaka gore lephata la metsi le ba tswe thuso ka jaana ba tlhalositse fa ba sa ntse ba kopile madi a go aga tanka eo mme nako eo ba tlaa bo ba sokola ka metsi. O supile fa ba itumeletse dipalo tsa morafe tse di neng di tsene dithuto tseo, mme a tlhalosa gore ba itlamile go isa ditirelo tsa bone kwa metseng e e kwa ntle ga Tsabong. A re go tletse matlakala gongwe le gongwe mo motseng le ntswa khansele e leka go a sela. Mo kgangnnyeng e nngwe, Rre Guma o ne a ikuela gore Batswana ba seka ba rekisa masimo ka a re lefatshe le tlhokwa bobe. Seemo seo se ne sa mo tlama go ya majako kwa Gantsi kwa a fitlhileng a bereka mo marekisetsong a dijo a a farologaneng e le mmaseapei gape e le morekisi. Mme Selagaboy yo o simolotseng go ikamanya le temo ka 2010, a sena go lemoga fa lefatshe leno le farifarilwe ke letlhoko la ditiro segolo jang mo bananeng. Madome o itshetsa ka tlatlana Mme Tshireletso yo e bileng ele mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Mahalapye Botlhaba, o buile mafoko a mo phuthegong ye a neng a e tshwere mo Mahalapye go lekodisa dikgosi le dikgosana tsa motse wa Mahalapye le metse emo tikologong jaaka Setsile, Mokoswane, Kudumatse, Dovedale, Makwate, Shakwe, Taupye, Tewane, Palaa-road le Bonwapitse ka ditirelo tsa lephata la gagwe gammogo le dikgang tse ditshwenyang setshaba jaaka kgokgontsho ya mo malwapeng, go thubega ga malwapa, go nna mmogo ga batho ba sa nyalana le molao kakanyetso wa matimela. Letsatsi le ne la ketekwa ka bokgabane le natefisiwa ka mmino, poko le kapari ya setso mme bontsi jwa badiragatsi e le banana le tshologelo e ne e le e e nametsang. O ne a kopa puso go seka seka go dirwa ga tsela ya Mokgware a re e ka fokotsa mosuke mo tseleng e tona ka batho ba ba yang Serowe ba ka e dirisa go kgabaganya. O ne a tlhalosa fa a kopa dikgethe tsa matsela a a salang mo baroking gore a kgone go dira mekgabisa. Baithuti ba lekwalo la bosupa ba sekole se sebotlana sa Maphorisa kwa Tutume ba kopilwe go itoma molomo wa tlase mo dithutong tsa bone. O boleletse banni ba metse eo fa a lebogela tlhopho ya bone, ka jalo ba tshwanetse go itse gore o ya dirisana le mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore ke wa phathi efe. Go sale foo, Kgosi Koitsiwe o ne gape a kgala mokgwa wa gore bangwe batsadi ba bo ba amogela madi a kgodiso ya ngwana mme ba retelelwe ke go dirisa madi ao mo go maleba. O lebogetse thotloetso ya ba lephata la botsogo le boitekanelo ka e le bone ba ba hirisang koloi eo thata. Mopalamente wa Tati Botlhaba Rre Samson Guma o boleletse banni ba Mabudzani mo kgaolong ya gagwe gore ga gona dikgomo tse di tlaa bolaiwang di sena go tshwarwa ka bolwetse jwa tlhako le molomo. A re gore motho a kgone go betla ga a tlhokane le didirisiwa tse dintsi mme o tlhokana le petlwana le setlhare se se omeletseng se tshwana le sa mokoba, morula le motswere mme o tshwanetse a itse gore setlhare sefe se dira eng. Mosadi o falola ka bobi jwa segokgo E re dikgang di eme jalo, Kgosi Salepito a re ba tshwenngwa gape ke dikgang tsa boswa, jalo o tlhagisa banyalani gore le fa ba nyetse ka molao wa Setswana, ba leke go kwadisa manyalo a bone ka gore dinako di fetogile, mogodimo ga moo ba dire mokwalo o o supang gore dithoto tsa bone di lebagane mang motlhang ba hularang. Mo dingwageng tse di lesome le bongwe tse Mme Lekolori a di berekileng mo madirelong a dijo, a re baji-bareki ba ne ba nna ba mo akgola gore oitse go gata diamaleng, mme gape ba mo kgala ba re o humisa bahiri a sa itshimololele kgwebo ya gagwe ka a itse go apaya. Mme Mokgatle a re go botlhokwa gore borre ba dire loaro lwa borre lo lo babalesegileng go fokotsa kgonagalo ya go tsenwa ke mogare. Kgosi Masunga a re Kgosi Magapatona o na le dingwaga di le masome a mararo go ya kwa godimo a ntse a dira jaaka kgosi e e tlotlegang gape o ne a re ba tlaa nna ba itela mo go Kgosi Magapatona fa ba bonang ba tlhoka thuso ya gagwe teng. A re ntswa e le bokopano jwa bomme maloko otlhe a kereke eo a akaretsa baruti le banana ba ne ba kopanela tirelo eo le bone go ba fa thotloetso. Major Ramatlhakwana o bewa jaana morago ga go tlhokafala ga ga Kgosana Mokgophe. A re leina la Bopaganang le ne la tla fa banni ba Phepheng le Ntshutela ba sa dumalane le kago ya sekole kwa motseng oo mme lekgotla la kabo ditsha ba rarabolola kgang eo ka go tsaya tswetso ya gore sekole se agwe mo gare ga metse eo eleng kwa Draaihoek. A re mo ngwageng wa 2013 go nnile le dikotsi di ferabobedi tse mo go tsone go tlhokafetseng batho ba robabongwe fa batho bale masome a mararo le boraro ba bone dikgobalo tse di masisi fa mo ngwageng wa 2014 go nnile le dikotsi di supa, mme mo go tsone ga tlhokafala batho bale lesome le borataro fa bale masome a mane le bongwe ba bone dikgobalo tse di masisi fa monongwaga go nnile le dikotsi tse tharo tse mo go tsone go tlhokafetseng batho bale some. Mo dintlheng tse mopalamente a neng a di baya pele banni bane ba ganana le kgang ya gore go diriswe khupelekhupele go baya ditsha ba supa tsamaiso ya go baya yo o ikopetseng pele ee ntseng e dirwa e siame. Fa a ba kgwa dikgaba mopalamente o supile fa le ene a na le lesokolela ka kgang eo ka gore baatlhodi ga ba itse ditso tsa mmino oo. Ngwana yo o sa tlhokomelesegeng o kgoreletsega mo dithutong Setshaba se itsisiwe gore se ka tswelela le ditiro tsa sone tsa tsatsi le letsatsi fa lephata la Geological Surveys le tsweletse ka go baya seemo leitlho. A re le ntswa go na le dikgwetlho mo go diragatseng mananeo, fela ba ofisi ya Bokone Botlhaba ba supile fa maano mangwe a masha a a pharologanyo a ba a itirelang le gone go tokafatsa ka fa ba dirang dilo ka teng, go ba thusitse go ntsha tlhogo mo dikgaolong tse dingwe. A re barutabana, bodiredi le bana ba sekole ba tshwaraganetse thuto ka tsela e e faphegileng, a supa seo ka maduo a lekwalo la bosupa go tswa kwa moragonyana. Mongwe wa bagwebi ba ba fa gare o ngongoregile ka go sa neelwa ditiro ke makalana a puso, ka jaanong go ganelelwa thata mo bagwebing ba babotlana, a re madirelo a bone a a phutlhama. A re pele bagolo ba ne ba gololesegile go kgalema ngwana mongwe le mongwe yo o tlhokang maitseo, selo se a reng gompieno se fetogile. Rre Motshegwa o boletse fa morafe o ne wa kopa khansele ya Bobirwa go thusa mo kagong ya leobo. E rile a tswa la gagwe, Rre Solly Ketshabathupa yo eleng monana a re o leboga fa erile morago ga lobaka ga felela go kgonagala gore lekgotla la borre le nne teng ka jaana ele gone kw aba ithunang dinta teng. Le fa ntswa go lemogilwe fa matlwana a boitiketso a lefuti a ka kgotlela tikologo ka go leswafatsa metswedi ya metsi ka fa tlase ga lefatshe, kwa kgotlaneng ya Metsiaela gone, seo e nnile tswelelopele e ba saleng ba emetse ka lobaka ka go ne go se ope wa bone yo o kgonneng go e tlhoma mo lwapeng la gagwe. Rre Kgobero o ikuetse mo setshabeng go phuthologa, a tlhalosa fa batho ba sa tshwanela go ineela mo mathateng a a ba tshwenyang ba le nosi kana go a ipeela mo dipelong tsa bone, mme ba kope dithuso tsa tshidilo maikutlo mo dikerekeng, ba boitekanelo le mo setshabeng ka kakaretso. COVID-19 Presidential Task Team has announced the death of a 72 year old man due to coronavirus. Mongwe wa balemi ba Serowe Rre Mogalakwe Mogalakwe, o boletse fa temo e le bokamoso mme e bile e ka namola Batswana mo lehumeng. Rre Ditsele are selo se se neng se ba tiisa moko le go feta ke go bob a ne bas a dire gope mme ban a le bana ba ban eng ba tshwanelwa ke go ba godisa, a tlatsa ka go tlhalosa fa mo nakong eo ba ne ba wela mo setlhopheng sa batlhoki mme ba seka ba letelela lehuma go ka ba hekeetsa ntswa ba na le mabogo a go itirela. O ne a tlatsa ka go re se ke sone se se dirang gore mananeo a seka a dirwa, a bolela gore ba tlaa tsena ntlo le ntlwana ba gakolola morafe, le fa bothata e le gore beng ba malwapa ga ba yo go nna bahirisi fela mme se se dira tiro ya bone thata le go feta. Banni ba Jackalas I ba kgaletswe go sa tla ka dipalo tse di kwa godimo kwa moletlong wa pulo semmuso wa dikago tsa kokelwana ya motse wa bone. Rre Motlokwa a re go dira tiro ya boithaopo mo mekgatlhong e e farologaneng go mo rutile go etelela pele, bopelotelele le go dira ka natla. Fa a amogela thomo, Rre Majaga o ne a supa fa gona le dikgwetlho, a tlatsa ka gore ka tshepho ya Modimo sengwe le sengwe se tlaa boela mannong. Makhanselara ba kopile lephata la tsadiso ya leruo gore ba tshwaragane le ba matlhoko a leruo gore ba tle ba kgone go fefosa tiro ya bone. Se se bakilwe ke gore moletlo o o ne o dirilwe ka Letsatsi le le lengwe le maitiso a mangwe a mmino mo kgaolong. Mme Oki o buile jalo fa kereke eo e ne e tshwere tiro ya go aba dimpho tse di akaretsang ditlhako, dikobo le paka ya baithuti kwa kgotleng ya Kgwatlheng. O ne a tswelela ka gore mefuta ya go bolaya diji e farologanye,ka bangwe ba tle ba bone go le botoka go dirisa melemo e e bolayang tsone diji tsa go tshwana le motlhwa ga mmogo le bojang. Mo go tse dingwe Kgosi Sue Mosinyi o ne a kopa mopalamente gore a ba boletse gore lephata la ditsha le tsile go baya leng ka ba sale ba sega ditsha mo Bokaa di feta dikete tse pedi mme nako kgolo ke eno. Shoshong o ipaakanyetsa temo Fa a tswa la gagwe, mopalamente Butale yo gape e leng mothusa tona mo lephateng la peeletso, papadi le madirelo o ne a tlhatlhelela banni ka melawana mengwe e e fetisitsweng kwa palamenteng. Ramapodisi o tlhalositse gore dikgang tse di ba tshwenyang bobe ke tsa ditagi tse a reng le kwa dikoleng tse dikgolwane di a rekisiwa ke baithuti. Kgothatso eo e ntshitswe ke mongwe wa barutabana ba sekole seo, Mme Thembi Matshara, ka letsatsi la phuthego ya batsadi ba baithuti ba ba dirang lekwalo la bosupa kwa sekoleng seo ka Labone. Rre Mosimanegape o buile mafoko a kgwedi eno e tlhola malatsi ale marataro fa bane ba ile go lekola batho ba ba neng ba bona dikgobalo le ba ba neng ba tlhokafala mo tseleng ya A1 fa bese ya Khanda e neng e tswa Francistown eya Gaborone e thulana le koloi e nngwe kwa Mmamabula kgwedi e fetileng ele masome a mararo. O kaile gore o fitlhetse boora Makgolwane ba ba nnang ba le lesome le bongwe ba nna mo seemong se se sa iketlang. O ne a leboga go menagane batsadi ba ba tlhokomelang bana ba. Tona wa lephata la boagedi le bong, Rre Ngaka Ngaka, o kgothaditse banni ba Ghanzi go ema kgatlhanong le kgokgontsho. O gwetlhile batsadi gore ba rotloetse ban aba bone go nna le seabe mo ditirong tsa setso ka se setla dira gore ba gole ba na le maikarabelo mo setshabeng a tlatsa ka gore le botlhoka tsebe boka fokotsega. O boleletse banni fa e le nako ya gore ba nne le botsalano le babeeletsi gore ba kgone go ba thusa mo temong le gore ba ipope ditlhopha gore masimo a bone a agelelwe gore ba kgone go a hirisetsa babeeletsi fa bone ba ise ba a dirise. Mo go tse dingwe, Mme Lefifi o ne a tlhalosetsa batsena phuthego eo,fa lephata la boipelego le itebagantse le go thusa batlhoki, bana ba masiela, ba-na-le bogole, go fa tshidilo maikutlo le go thusa Batswana ka mananeo a a farologanyeng a tshwana le nyeletso lehuma gore ba itshetse. Fa a fa malebo, mokhanselara wa kgotla ya Tsopeng Bokone, Rre Gofaone Kedise o ne a iteela kobo moroko mafoko a banni gore melao ya tsa phiro le pereko e setse e siilwe ke nako ka jalo e tshwanetse go fetolwa. Ba-na-le bogole ba na le tshwanelo ya go ithuta Mme Kgotlayagae o supile fa a tladitse fomo ya ikopelo diphatlha kwa sekoleng seo gore a ye go sugiwa go ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa mophato wa boraro, tse a neng a sa dira sentle mo go tsone ka a eleditse go ipona a fitlheletse kwa sekoleng sa ithutelo ditiro gore a kgone go itshedisa. Kgosi Mosinyi a re ba ne ba ikopanya le ba lephata la metsi go botsa gore matsapa di a tsaya kae mme karabo ya nna gore lephata leo le tsere tshwetso ya go aga tanka e tona e e ka kgonang go ba siela metsi. Leburu a re go tsofala yo o ratang O buile jalo kwa peong ya kgosana, Major Seth Ramatlhakwana wa kgotla ya Morokologadi kwa Malolwane ka bosheng. A re kgaisano e ya dijo e ne e le go kgobokanya madi mme gape e le go kopanya merafe ya bone gore e itsane. Mme Jane a re se se simologileng e le go tshaba lehuma go ne ga fetoga kgwebo e tona e e dirang madi a mantsi ka Mme Jane a kgonne go atolosa kgwebo ya gagwe go rekisa dithoto tsa mefutafuta tse di jaaka maungo,motlakase,mangena, ditlolo,airtime le tsone diapparo tota. A re fa kgang e pala ba tshwanetse ba kopa thuso mo go ba ba lebaneng ba akaretsa ba sepodisi, boipelego kgotsa ditsala tse ba di tshephang. Rre Diphuhang a re o ne a boela gape kwa matlhophelong ka nako ya bobedi mo tshokologong go ya go tlhoma seemo leitlho, mme a fitlhela Rre Kaodimba a tsweletse a ntse a tsamaya le mola a ema ema le ba ba emetseng go tlhopha. Fa a bua ka tlhokomelo ya dinotshi, Mme Khubu o tlhalositse gore ga di matsapa go di rua, a tlhalosa gore mo mosong le maitseboa di a tswa di ya go gama, mme se ga se mo kgoreletse go ka tsewelela ka ditiro tse dingwe go senka letseno le lengwe la madi. Mme Khubu o tlhalositse gore e re ntswa thuo ya dinotshi e se bogadi bo gaufi, bangwe mo magaeng ba tlhabolotse matshelo a bone ka yone. Mo maitekong a go thusana le barutabana mo go ageng setshaba se se rutegileng, batsadi bangwe ba baithuti ba sekole se sebotlana kwa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, ba akgoletswe go bo ba gatetse pele mo go tshwaraganeleng tema ya go ntsha maduo a bana a nametsang le barutabana gore e re ka ngwaga wa 2016 setshaba se bo se rutegile. E re le ntswa puso e ntshitse mananeo go thusa banana go inamola mo lehumeng le letlhoko la ditiro, go santse go na le bangwe ba ba itlhokomolositseng se mme ba inaakantse le go dira ditiro tse di sa eletsegeng mo setshabeng. Busetsang serodumo sa temo - Maele Mme Boingotlo o ne a tlhalosa gore e rile fa ba le kwa dithutong ba kgothadiwa go bereka ka natla le go rekisa dikgwebo tsa bone gore ba kgone go sola molemo mananeo a mantle ao. Ba ne gape ba ngongoregela go bo mananeo a nyeletso lehuma a le bonya go goroga kwa metseng ya bone, ba tlhalosa fa bangwe ba kgona go leta dingwaga di ka nna thataro ba ise ba thusiwe morago ga go dirwa tshekatsheko. A re mo go abiweng ga ditante, go ne ga lebelelwa pele ba ba neng ba amegile thata. O tlhalositse fa barutabana ba tshwanetse go tsisa mananeo a a thusang bana jaaka a kgothatso le go rutuntshanya ga bana ka botshelo. Tona o ne a leboga thata komiti e e thusiwang ke ba ofisi ya ga molaodi le bodiredi jo bongwe jwa puso jo bo akaretsang; badiredi ba makgotla a Setswana le morafe ka kakaretso go dira ka natla, selo se a rileng se a mo kgotsofatsa gore tiro e tlaa tswelela sentle. A re ka sekai, kwa matlhabelong a Lobatse, kgomo e rekwa P32.40kg, fa kwa matlhabelong a Francistown e rekwa P23 mme kwa matlhabelong a Maun gone e rekwa P16 kg. Ntsha se o nang le sone go thusa. E rile go le pele kgosi Ishmael Rakgati a amogela mopalamente le lekoko la gagwe a tswa ka mogopolo wa gore sekolo se sebotlana sa Khurutshe se fetolwe go nna boremelelo jwa dithuto tsa diatla. Mo phuthegong ya tshoganetso bosheng, e tsenwe ke ramopodisi a Mahalapye Rre Isaac Mmamadi, dikgosana le komiti ya ditlhabololo tsa motse ga mmogo le boeteledipele joo ba dumelane go tla ka ditharabololo go leka go kopanya bobedi joo. A re masimo a a sa agelelwang a tsisa kgotlhang mo bathong fa dijalo di jewa ke leruo. Re a Nyalana e botlhokwa Mme ba ne ba tlatsa ka gore ga go ba sologele molemo ka gope go bo ba kentela dikgomo tsa bone bolwetse jwa tlhako le molomo, ntswa morago ga moo di ya go kopana le dinare gape kwa mahudisong ka jaana terata e digilwe ke ditlou. Go gola ga dikgwebo tse dipotlana mo lefatsheng leno go supa diphetogo tsa itsholelo jaaka go fokodiwa ga dithoto tse di dirwang ka bontsintsi, le go gola ga ditirelo tse dingwe tse di di ka kgonwang ke bagwebi ba ba botlana. Rre Phuthego o rotloedise batsadi go sala ditiro tsa bana morago, bogolo jang ka bontsi jwa batsadi bo tsene sekole e bile ba itse botlhokwa jwa thuto. O ne a rotloetsa babereki ba lephata la Matimela go tswelela ba abela ba ba gaisitseng dimpho ka e le gone mo go ka dirang gore ba ntshe maduo ebile ba bopagane. Ba mo abetse dikgomo, dipodi le dikoko go mo lebogela ketelelo pele ya kgaolo mo ngwageng tse di masome mararo. Are bontsi jwa ditiro tseo ga se jo bo tlhokang dikitso tse di faphegile ka jalo go maleba gore Batswana ba di akole. A re go tlhoka go nna le seabe ga batsadi go dira gore bana ba palelwe ke go tswa kwa mephatong e e kwa tlase ka go a bo go sena thotloetso go tswa kwa moding. A re mabaka a go nna jaana a ba kgoba marapo e bile a dira gore babereki ba latlhegelwe ke tshepho mo lenaneong. Mme Gaebolae o ne a supa fa go le letlhogonolo e bile go le molemo go bona ba inaakantse le sekole se se nang le baithuti ba thuto e e faphegileng. Rre Jopi o tsweletse ka gore ene o na le dingwaga tse pedi a ikakanya ka kgwebo ya gagwe ya tsa maranyane le gone gore e ka sologela banni ba motse wa gagwe le e e mabapi molemo jang a sa lebale le tsone dipoelo. O tlhalosa gore pula-madibogo e tlaa nna go tlhoma ntlwana ya seka banka gompieno go fitlhelela boipuso. A re sebe sa phiri ke gore batho ba ba sutisitsweng ke moepo fa ba iponetse phatlha lephata la kabo ditsha le gana go ba baya. Le fa go ntse jalo , dipatlisiso di supa fa kgorogo ya mabentele a go tshwana le ao, gantsi go gomagometsa go nyeletsa bagwebi ba babotlana, mme seo se ntsifatse letlhoko mo malwapeng ka motswedi wa madi o tlaa bo o kgadile. Kopo e, e dirilwe ke Moruti Lesedi Galebotsane wa kereke ya St Phillips kwa tsimolodisong ya merapelo kgatlhanong le HIV/AIDS kwa Letlhakane bosheng. A re tiro e ya go agela batlhoki matlo e ne ya simolola kwa kgaolong ya Mahalapye kwa go neng ga agelwa motlhoki ntlo kwa motseng wa Taupye, mme ga latela kgaolo ya Boteti le gone ga agelwa motlhoki mongwe ntlo. Are se se dirwa ke gore batsadi ga ba tshameke karolo ya bone mo kgodisong ya bana, O supile fa bana ba kopana le dilalome tse di ba dirisang ko dibareng mme a ipotsa gore batsadi ba bana ba ba abo bale kae mo go seo sebaka. A re ngwaga oo o fetileng ba ne ba dirile botoka fela thata ka bane ba bone 53 per cent mme gompieno ba wetse tlase go ya go 35 per cent. O boletse fa batsadi ba tshwanetse go lekola bana kgapetsakgapetsa go tlhola gore ba dira jang mo dithutong tsa bone ka seo gape se ka thusa gore ba tsenye marapo mo dinameng, go ipetlela bokamoso jo bo eletsegang. Mme Kruger o supile gape gore e le mmatoropo le makhanselara a gagwe, ba itlamile go direla setshaba sa toropo ya bone ka botswapelo ka jalo ba itshegetse dielo go bona gore ba isa ditirelo kwa setshabeng le gone go itseela ka tsebe matshwenyego le dikeletso tsa bone go bona gore ba ka atolosa ditirelo tsa bone ka tsela e e faphegileng ba setse dikeletso tsa morafe morago. A re go maswabi go bona bagolwane ba maphata a puso le khansele ba palelwa ke go tsena diphuthego tsa ipabalelo tseleng e bile ba retelelwa ke go romela baemedi kwa diphuthegong tseo le mororo ele bone ba neetsweng boikarabelo jwa go tsaya ditshwetso tse di ka tswang di ama maphata a bone. A re go dira jalo go supa maikarabelo le maitemogelo a go itse gore o tshwanetse wa ruta ba ba kwa morago tiro gore e re motlhang o hulere go bo go sena sekgoleretsi. O supile fa mo nakong ya gompieno batho ba le masome a mabedi le bone mo lekgolong ba setse ba kwadisitse ditsha kwa motseng oo. Fa a ntsha la gagwe, mopalamente wa Tonota Borwa, Rre Pono Moatlhodi o rotloeditse bomme go nna ba le palo ya go ya kwa go bo botlhano go lwantsha kgokgontsho e e ba tlhagogelang kwa masimo. Monni yo mongwe, Rre Chika Chobo le ene o tlhalosa fa tsela eo e siame go dirisiwa motshegare mme maitseboa diphologolo di tshwenya mo go yone ka di kgabaganya gone foo. Lephata le ntshafatsa matshwao a tsela A re tsela e nngwe e banni ba tlaa e akolang ke ya Mogoditshane-Gabane-Mmankgodi e e tlaa dirwang e le mela mebedi. Mme Jansen o boletse fa a setse a na le bareki ba le bantsi. Rre Seloi o supile botlhokwa ja go nna le lekgotla la barongwa mme a tlhalosa fa a sa itse gore go pala eng gore le kwadisiwe semmuso ka sengwe le sengwe sa lone se weditswe. A re ere ntswa ba amogela gore go na le dikgwetlho di tshwana le go tlhaela ga dikoloi le tse dingwe, mapodise le one a setse a bone maikgotlho a go tlhoka go thusa setshaba mo go kgotsofatsang. O tlhalositse fa a itshetsa ka go suga le go roka matlalo, mme a supa fa botsipa joo a bo anywile ka nako ya fa ba lephata la thuto ga e golelwe ba ne ba mo isa kwa dithutong tsa go roka diaparo go dirisiwa matsela. Fa a latlhela la gagwe, mookamedi wa lekalana la LEA kwa Masunga, Mme Segakolodi Ntebele o ne a tshephisa fa ba tlaa tswelela ba supa mowa oo, a re ka jalo e tshwanetse ya nna thotloetso mo Batswaneng ka kakaretso, ka seo se ka thusa go dira pharologanyo mo matshelong a bangwe. Clicking Innovation e ruta bana khomputara Tsela ya dinao ga e jese ba Plateau diwelang Fa a amogela ditanka tseo, Kgosi Malope o ne a tlhalosa fa a kile a itela mo go mongwe wa bagwebi ba lebentlele leo, a mmolelela fa go na le letlhoko la metsi mo Kanye. Rre Thiite o ne gape a gakolola batsadi go tsibogela dikgang tsa go kgaoganya boswa ka bonako le ka keletlhoko go itsa go losa bajaboswa, a re se se ka thusa go fokotsa dipalo tsa ditsha tse di sa kwadisiwang le tse di sa tlhabololwang. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana Rre Phemelo Kgwefane o ne a bua a menne phata ka mosola wa go dira mmogo ga batsadi le barutabana mo thutong ya ngwana. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, bangwe banni ba ne ba ikopanya le ofisi ya Self Help Housing Agency (SHAA) go tlhaloganya ka lenaneo le le gone go itse mosola wa lone. O tsweletse a re batho ba tshwanetse go itse gore lefatshe leno ke la rona rotlhe jalo fa motho a bona sengwe se sa tsamae sentle golo gongwe o tshwanetse go itsese ba ba maleba ka bofefo. A re o tshwentswe ke tlhaelo ya barutabana ba ba nang le kitso ya go ruta baithuti ba ba nang le bogole. E re go ntse jalo, bomatipane le bone ba ne ba thusa ka go rora mmu o o neng o tshelwa mo molelong go thusa go kganna go jwelela ga one ko tlase. A re sepatela se ga se thuse banni ba toropo ya Selebi Phikwe ba le bosi, mme se thusa le ba mafelo a a mabapi jaaka Bobonong le Mmadinare ga mmogo le dikokelwana tsa dikgaolwana tse di kgakala jaaka Gojwane le Serule. Seno se boletswe mo moletlong o o neng o tshwerwe bosheng ko magosi a neng a kokoane go golola mongwe ka bone Kgosi Jenamo Magapatona ka a leboga tiro ya gagwe ya bogosi. A re se komiti ya ipabalelo tseleng ya kgaolo ya Kgatleng e se dirileng ka go rulaganya letsatsi leo ke selo se se botlhokwa fela thata mme o ne a kopa baeteledipele le baruti go ba rotloetsa dinako tsotlhe. Morago ga dingwaga tse pedi ba dumalana go kgaogana le tsala ya gagwe. E rile a amogela dimpho tseo ka Matlhatso, mogokgo wa sekole seo, Mme Ndinaani Mandevu a tlhalosa fa sekole se ne sa welwa ke seru ka Mopitlo, a tlatsa ka go re ditlhotlhomiso di ne tsa supa fa go ne go na le diphoso tse di diragetseng mo kgokelong ya motlakase mo matlong a borobalo a basetsana. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa khansele, Rre Reaboka Mbulawa o ne a supa fa botlhe ba amilwe ke tiragalo eo mme ba ka seke ba eme pele taelo ya kgotla tshekelo. A re gantsi yo o tlhabilweng thobega o ne a ka seke a fetise dikgwedi tse tharo a sa fola. Moruti wa kereke ya Apostolic Faith Mission Mme Boingotlo Motlhasedi o ne a ba rotloetsa go tsenya seatla mo go lwantsheng mogare ka kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa e bile puso e ka se kgone go lwantsha mogare e le nosi. Kgosi Lorekang o supile fa kago ya diofisi e ne e tshwanetse go dirwa ka ngwaga ya 2004 mme ga nna le tiego ee neng ya ba gwetlha gore e re fa tautona Lft General Seretse khama Ian Khama a etetse motse wa Tsabong ba lelela mo go ene ba kopa kago ya ofisi eo, mme a mo popotha legetlha go bo a reeditse selelo sa bone jaaka e le moeteledipele wa tlhwatlhwa. Go sale foo, Kgosi Mosweu a re baeteledipele ba ba tsamaisang lenaneo la Ipelegeng kwa motseng wa Dukwi ga ba na morero le bagolwane ba motse. Karata e tlaa tokafatsa maduo A re lenaneo le, e tlaa re kgwedi yone e ya Tlhakole e tlhola masome a mabedi le boraro goya ko go masome a mabedi le bosupa le bo le simolola ko dikolong mme go tlaa bo go kentiwa bana ba basetsana ba ba dirang mophato wa botlhano go ya go fitlha wa bosupa, a re bana ba ka go solofelwa fa ba ise ba tlhakanele dikobo ka jalo ba sena mogare o o bakang kankere ya molomo wa popelo o o bidiwang Human PapillomaVirus, ka jalo mokento o o ya go ba sologela molemo thata ka o tlaa thibela gore ba seka ba tsenwa ke mogare o. Kgwebo ya Power Fashions e roka diaparo ka go farologana di akaretsa diaparo tsa manyalo, meletlo ka go farologana, kapari ya itshireletso, di sutu tsa bomme le tsa borre ga mmogo le go baakanya dilwana tse di senyegileng. Fa a tsibogela matshwenyego a bone, mothusa tona o tlhalositse fa mongwe le mongwe a na le keletso ya go bona motse wa gaabo o gatetse pele ka ditlhabololo. O tlhalositse fa ditsheko tse di tsweletseng tseo di tlaa emisiwa Morule a tlhola malatsi a le mararo. Mme Boikgomotso Samakha wa setlhopha sa A re Itsoseng Bagolo Pottery o rotloeditse Batswana go itlhamela mebereko ka ditalente tsa bone go na le go emela ditiro tse ba sa itseng gore di tlaa tla leng. Rre Jibichibi o rotloeditse balemi go dirisa peo ya mmoulo, a tlhalosa fa e siame ka dijwalo tsa yone di sa gole thata mme seo se thusa gore metsi le dikotla tse di mo mmung di lekane. A re go setse go tumile gore Batswana ba bo ba nyatsa ngwao ya bone, ntswa ba mafatshe a mangwe bone ba eletsa dingwao tsa Batswana. Rre Garegope o boletse fa khansele ya Legare e santse e lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya madi mme a kopa babereki go somarela le go amogana didirisiwa. Mo pakeng ya mariga, serame mo Kgalagadi e a bo e le se se phatlolang letlalo la mmele. Rre Mothoagae a re ba bereka ka natla le bonokopila ba tlogetse ditiro tsa bone kwa malwapeng go bona gore ba tlhabolola dikgotla tsa bone mme ba tshwanetse go akanyetswa, a tlatsa ka gore le tsone dikatso tse ba di fiwang di tla thari. O ne gape a lebogela go tsibogela matshwenyego a bone a metsi a re kompone ya metsi e eme ka dinao go ba thusa. Announcing the death on BTVCOVID-19 update programme, Director of Health Services, Dr Malaki Tshipayage the man had been admitted at Sir Ketumile Teaching Hospital. O supile gore le ntswa matlo a a hiriseditswe badirela puso, mangwe matlo ga a dirisiwa ka a sena dibata tse di tlhapelang. O ne a itela mo go bone gore ba tlhokomele leruo la bone le go itse gore le kae ka dinako tsotlhe mme o ne gape a ba gakolola fa dijalo le maungo mangwe a na le bolwetse, ka jalo a ilediwa go tlodisediwa mo lefatsheng la Botswana. A re dikereke di tswa kgakala di tshwaraganetse mathata le puso, go bona gore Batswana ba ba dikobo dikhutshwane ba ka thusiwa jang. Kgosi Maforaga o buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e rulaganyeditswe go rotloetsa morafe go busetsa serodumo sa ngwao mo motseng. Bishop Lephogole o ne a supa fa le Baebele e gatelela kgang ya bojalwa fa bo sa siama a fa sekai sa ga Noah gore o ne a felela bana ba gagwe ba mmona a sa ikatega ka ntlha ya go itontela bojalwa. O bile a bolelela kgosi Kebapetse Telekelo gore fa ba batla baruti ba teng nako nngwe le nngwe. A re bogosi bo tshwanetse go tlotlwa jaaka puo ya Setswana e buwa e re Tlotlang kgosi le boife Modimo.’’ Re Masisi a re puso e tsaya tsia Bogosi, mme e bile e tsaya tsia seabe sa Dikgosi mo go ageng setshaba le kagiso e e akolwang ke tshaba ya lefatshe leno, ka jalo a re dikgang tsotlhe tse di ba amang di tlaa gorogo kwa di tshwanetseng go goroga teng. Ditiro tsa boithaopo di ka fa banana botsipa Mopalamente Mzwinila o ne a tsibogela selelo sa magosi a Robelela le Tshokwe ebong bokgosi Phillip Tamocha le Itumeleng Pelotona fa ba ne ba tlhalosa fa bogodu jwa dikgomo bo ile magoletsa ka dikgomo di kgona go tlodisiwa go tswa kwa Zimbabwe fa dingwe tsa tsone di tsewa go tswa Botswana go tlolela kwa Zimbabwe. O tsweletse ka gore banana ba tshwanetse go dira dipatlisiso tse di maleba, ba lebile gore ba rata eng e bile ba kgona go dira eng, ba sa lebale le lone letlhoko mo kgaolong ya bone. A re se ne sa supiwa semmuso malatsi pele ga go ketekwa dingwaga tse di masome a matlhano Botswana a ipusa. O tsweletse a bolela fa pitso eo ele ya bobedi ka gonne ya ntlha e ne ya seka ya atlega ka gore batho bangwe ba ne ba akanya gore baya go tshwarwa le mororo a ne a leka go ba thusa. Mogolwane wa lekalana la bojanala la Botswana Tourism Board, Mme Tshoganetso Ponoesele o gwetlhile banni ba Sepako, Manxotai, Maposa le Nata go simolola go ipaakanyetsa letsatsi la Makgadikgadi Epic le le tlaa nnang ka Lwetsi gore le tle le atlege. Rre Tobokwani o ne a bolela fa go simolodisiwa ga dikatso tsa maloko a dikomiti tseo go ka ba tiisa moko ga ba ga dira gore ba dire le go gaisa ka fa ba ntseng ba dira ka teng mo go betleng bana le mo go thusa dikole go ntsha maduo a mantle. Komiti e kopa kemo nokeng Rre Moribame yo gape e leng mokhanselara wa Molalataua re khansele gape e kgonne go fetsa matlo a le borobabongwe a a neng a saletse kwa morago a ngwaga wa 2012 a batho ba ba neng ba amilwe ke dibetso tsa tlholego le a tlaleletso ale matlhano mme otlhe a abetswe beng ba one. Beng-gae ba gakatsa mathata Kgosana Sephiri o ne a tlhalosa fa didikadike tsa batho di latlhegetswe ke matshelo fa di dikadike di le masome a mararo le bosupa di tshela ka mogare lefatshe ka bophara. Fa a tlhalosa, Rre Molatlhegi o supile fa molao wa gompieno o sa letle gore fa Motswana a ka bona boagedi kwa mafatsheng a sele a tswelele a tshegeditse jwa Botswana. Ramapodisi o rolela dikgosi mogopolo Bangwe batsadi fa ba fiwa boikarabelo jwa go nna le ngwana ba nna le mokgwa wa go ka mo ikgagapelela, ba itsa motsadi yo mongwe sebaka sa go ka amana le ngwana. Rre Maele o ne a akgola ba ba thusitseng Partners Maintenance go lemoga lolwapa loora Makgolwane. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Ditsele o tlhalositse fa nako ya a simolola temo ya merogo, balemi ba merogo ba ne ba se ba ntsi mme se ya bo e le sebaka sa go ka simolola kgwebo ya motlhale o, mme e bile e le kgwetlho ka Batswana ba ne ba sa tlotla go ja le go reka merogo ya sekgowa. E ne ya re fa a tswa la gagwe, mogolwane mo lekalaneng la Out of School Education and Training (OSET) le le itsegeng ka leina la Thuto ga e golelwe, Rre Meshack Kgopana a kaya fa lekalana leo e le lengwe la a lephata la thuto mme maikaelelo a lone e se go isetsa bagolo fela thuto. Fa a gatelela masisi a ba tsaang dikgang tsa botsogo ka one, Lt. O gwetlhile balemi go naya masimo a bone lerato a tlatsa ka gore tshimo fa o e rata le yone e a go rata ka jalo e go neele dijalo tse di molemo. A re dilo tse dingwe tse di tshwenyang puso ke borukutlhi le tiriso ya diritibatsi, mme a kopa batsadi go bua le bana go ikgapha mo dilong tseo, ka di ka ba senyetsa bokamoso. A re o eletsa gore ba lephata la kabo ditsha ba mo abele setsha sa kgwebo, a tlhalosa fa a batla dithuso tsa madi tse di ka mo kgontshang go godisa kgwebo ya gagwe go nna le marekisetso a e leng a yone. O lema spinach, rape, carrots, kwii le green pepper ga reng ga merogo e mengwe. Moruti Motlotlegi yo gape e leng mooki kwa kokelwaneng ya Ditshegwane, a re go supa sentle fa Modimo a tshotse pholo ya bolwetse jwa HIV/AIDS ka jaana mo nakong eno bomme ba ba tshelang ka mogare wa HIV ba kgona go ima ba bo ba tshola masea a a itekanetseng a sena mogare oo le gone gore ba kgona le go amusa ka lebele mme ba feletse ba sa fetisetse mogare kwa maseeng a bone. Ba ne ba bua gape gore keletso ya bone ke gore puso e simolole ditlhabololo mo metsaneng e e saletseng kwa morago jaaka wa bone. O supile gore sekole sa bone se dira sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa, ka gore ba ne ba tsere maemo a ntlha ka 2016, ba tsaya maemo a botlhano ka 2017,mme ka 2018 ba tsaya maemo a bobedi mo dikoleng tse di masome mararo le bongwe tse di mo kgaolong ya bone. O ne a supa fa kgwebo ya bone e simolotse mo ngwageng o o fetileng ka kgwedi ya Sedimonthole. A re maikaelelo magolo a phathi ya BCP ke go tsholetsa maemo a mololwane wa Zanzibar le go ntsha ditlamelo tsa ditsha go tswa kwa kgaolong ya Tswapong go di isa kwa kgaolong ya Bobirwa, le tsone dithuso tsa temo thuo, banana le tse dingwe go tla mo Moletemane. Rre Ookeditse Mogwera wa Maunatlala o ne a re Batswana ba tshwanetse ba lebogele dikgosi tse tharo tse di neng tsa ya go kopela lefatshe leno tshireletso kwa go Mmamosadinyana ebong Kgosi Bathoen wa Bangwaketse, Kgosi Sebele wa Bakwena le Kgosi Khama wa boraro wa Bangwato. Phuthego eo e ne e tsenwe ke mothusa mokwaledi mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Duke Masilo, molaodi wa Kgalagadi Rre Patson Dibotelo, Kgosi David Toto II le Kgosi Isaac Titus le modulasetilo wa khasele ya Kgalagadi Rre Meleko Thumpe. O boletse fa le ofisi ya ga Tautona le yone e tshwere kagng eo ka jaana banni ba ne ba ikuela bosheng jaaka Tautona a ne a buisa phuthego ya kgotla mo kgaolong ya bone. Fa a latlhela la gagwe, mogolwane go tswa kwa sesoleng kwa Francistown, Lieutenant Colonel Nicholas Motswagole, o ne a supa fa ba tseetse kwa godimo mokgosi o puso e o tlhabileng wa gore Batswana ba nne tshaba e e tshegetsanang. Rre Kaboeamodimo o ne gape a re o leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo lenaneong le, ba ba akaretsang makalana ka go farologana, dikereke le ba bangwe. Letsatsi le le ne le tshwerwe ka tlhogo e e reng: Go atolosa seabe sa sechaba mo go lwantsheng bogodu jwa leruo go ya ko ngwageng wa 2016. A re ba bosekisi ba iphetlhela mosekisiwa ka jaana tiego e teng ya dikgang tsa go belaelwa ka bogodu jwa leruo ga mosekisiwa yoo go dirwa ke boitseme jwa bosekisi. Ka jalo, o tlhalositse fa ele maikaeleleo a OYEBO go epa banana ka methale e e farologanyeng gore ba kgatlhegele ditlhopho tsa setshaba. Rre Maele o ne a akgola khamphani ya Partners Maintenance go bo ba bone go tshwanela gore ba agele boora Makgolwane ntlo ya dikamore tse pedi, ntlwana ba bo ba ba rekela dikobo le diaparo. A re tiro e ba e dirileng ka go atolosa kokelwana ya motse oo ga e gakgamatse ka makalana a a farologaneng a sesole sa Botswana a nna gangwe le gape a otlolola letsogo go thusa setshaba le go fokoletsa ba ba tlhokileng lesego manokonoko a botshelo. Mothusa molaodi wa Lobatse, Rre Ernest Phiri, o gakolotse morafe go fa pina ya setshaba tlotla e etshwanetseng. Ntau o tlhokomela loruo ka tshetlho Mme Mosinyi o pakile fa tiro ya diatla mo malatsing ano e le yone konokono go ka ipetlela tsela e e molemo ya botshelo mme a gwetlha banana ka ene go itsosa. Sitang o rotloetsa banana go itshetsa ka talente A re bana bangwe ba na le leruo mme batsadi ba bone ba itse fela sentle fa bana ba bone ba ise ba reke leruo leo mme ga go ba tshwenye. Fela lerato le maikaelelo mo go se ba neng ba eletsa go se dira ya nna tsone di ba tiisang moko go sa leba kwa morago ka ba ne ba na le tshepo ya gore motlha mongwe ba tlaa atlega. Rre Kelelekilwe a re banana ba setse ba kgona go lala nageng, mme a re ba tshoga gore boitaolo jo bo tloga bo tsisa dikgang tse ba sa di tlwaelamg jaaka tsa dipolaano tsa baratani. Bagolwane ba khansele potlana ya Serowe, ba patilwe ke badiri ba lephata la botsogo le boitekanelo, ba boloditse letsholo la go gasa molaetsa wa thibelo kanamo ya mogare wa corona. O tsweletse a supa gore molao o wa kgokgontsho ya bong o tsentswe ditsetlana tse di fang ba semolao dithata tsa go ka sekisa e be ba bona motsadi molato fa a itlhokomolosa kana a bipa dikgang tsa kgokgontsho ya bana. Tswapong o akotse boipuso A re ba ikgolaganye le ba ofisi ya boipelego go itse ka fa lenaneo le berekang ka teng le go ikwadisa. Go ya ka pego ya metsotso ya bokopano jwa babereki bao jwa kgwedi ya Moranang monongwaga go begilwe fa khansele potlana ya Tutume e latlhegetswe ke dithoto tsa P167 000 go simolola ka kgwedi ya Seetebosigo go ema ka Sedimonthole ngogola kwa lephateng la dipagamo, fa monongwaga go simolola ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha Tlhakole khansele e setse e latlhegetswe ke dithoto tsa P157 700 ka go utswiwa leokwane, dikarolo tsa dikoloi le dibetiri. A re se ke bokao mo setshabeng ka kakaretso, e bile se ka ruta ba ba saletseng kwa morago go tsaya malebela. Are madi ao a mannye thata gore motho o ka tshela ka one. Melato e tshwana le wa petelelo, go amogwa dithoto ka dikgoka le ya tsietso e le yone e tlwaelesegileng go bonwa e diragala mo mebileng e e iphitlhileng go ya ka Superintendent Mogatsaseno. Rre Magagane o supile fa mokatisi a ntshitse lenaneo la gagwe le a solofelang le ka mo kgontsha go itshwarelela mo leking e kgolwane. Bomme ba mapodisi ba rotleditswe go itse gore ba botlhokwa mo tirong ya bone le mo setshabeng ka kakaretso. Kokoano e e ne e diretswe go fa Mothusa Tautona sebaka sa go kopana le go lekola maloko a Ntlo ya Dikgosi. Rotary club e abetse bana dikolotsana O boletse fa tiriso ya ditagi kgotsa bojalwa phetelela e na le ditlamorago tse di tshwenyang jaaka boimana, go sa dire sentle kwa sekoleng, go lwala tlhaloganyo, go ipaya mo kotsing ya go tsenwa ke mogare wa HIV le malwetse a mangwe a tlhakanelo dikobo. Modulasetilo wa khansele eo Rre Bafana Motseothata o supile fa lebaka la gore Rre Moswela a bo a re o mosha le sa utlwale mme a mo kopa go ya go batlisisa gore ke batho ba le kae ba ba iseng ba bone dithuso le gore dijo le melemo e e rekilweng fa di senyegile go ya go duela mang. Rre Lorato are batsadi bana le go amogela dithoto di tshwana le megala ya letheka le dijo tse di tlang ka bana ntle le go botsa gore ba di tsaya kae , a supa fa se ele go tlhoka boikarabelo. Ke ka moo ba neng ba bitsa motsana wa bone Qabo, ba o reelela ka ngwana o. A re o setse a kile a bua ka tshireletsego ya badirisi ba tsela eo, mme ka ntata ya go tlhaela ga madi mo letloleng la khansele, ga go a tsewa kgato epe. A re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o batla go bona Botswana a golela pele, ka jalo ba tshwanetse go ema ka dinao go bona gore metse ya bone e a tlhabologa. A re nngwe mo go tsone ke tsela ya Kubung. A re se se dirilweng ke Rre Botshoma ke thuto mo Batswaneng ba bangwe le dikhamphani gore le bone ba ikiteye ka thupana go thusa puso mo tsamaisong ya puso. Mokhanselara wa Serorome Bokone, Rre Tshokodiso Raboloko o ne a re lenaneo la SHHA mo kgaolwaneng ya PAA le emisiwe ka nakwana go itebaganngwe le motseletsele wa ba ba setseng ba supile kgatlhego mo go lone, go na le go tswelela ka kwadiso le ntswa tema ya go thusiwa ga batho e sa bonale. Kgosi Malope II wa Bangwaketse e rile bosheng a amogela ditanka tsa metsi di le tlhano go tswa kwa Choppies mo Kanye. Kgosi Khuwe a re puso e le nosi ga e kake ya kgona go dira ditiro dingwe ka lebaka la tlhaelo ya madi, mme a re se ba se dirileng ke go leka go imolola puso morwalo, ka jalo a ba akgola go tswa ka moono o o ntseng jalo. Kgosi Moatshing a re go tlhokana le gore kgotla ya Metsibotlhoko e tsholediwe go nna le mapodise le mothusa kgosi gammogo le mokwaledi wa kgotla gore batho ba tseye ditlamelo di tshwana le go rurifatsa meriti ya ditlankana gautshwane gammogo le tse dingwe tse di sa dirweng mo Metsibotlhoko. Rre Besson o ne a gwetlha batsadi go nna seopo sengwe ka go nna le tshwaragano le tirisanommgo ka seo e le sone se ka ba kgontshang go ntsha maduo a a kgatlhisang. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke lekgotlana leo kwa motseng oo bosheng, Kgosi Maruping a supa fa a itumeletse se ba kabo ditsha ba se dirang e bile go supa fa ba direla dilo mo pontsheng. Makhanselara a kgaolo potlana ya Boteti ba ngongoregela tiego ya dituelo tsa beng ba leruo ba ba rekisetsang lenaneo la LIMID le la nyeletso lehuma. A re ba itemogetse fa e le kgwetlho mo lephateng la bone go tlhwaafalela kgang ya go ruta batho ka metlhale ya go kgokgontshiwa Mme Lenah Baitirile, mogolwane mo ofising ya bong gone kwa Tsabong, a re lefatshe la Botswana le tsweletse ka go dira melao e e lekang go fedisa kgokgontsho ya bomme le bana; jaaka molao wa kgokgontsho ya mo malwapeng wa 2008 le molao wa bana wa 2009 le e mengwe. A re ba ka tlhokomela temo ya bone ka go agelela masimo le gone go leta dinonyane ba tsentse moko mo nameng. Kgosi a re seo se ka tlhofofaletsa batho tiro ka e bile mo Gweta ba patelesega go ya go dira ditlankana tseo kwa toropong ya Sowa. O ne a tlhalosa fa go setse go simolotswe go agwa matlo a batlhoki a roba bobedi, e bile ba tlhomile komiti ya ditlhabololo ya motse. E ntse e le mo phuthegong eo, e e neng e itebagantse le maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse kgotsa VDC, maloko mangwe a ne a kgalela makhanselara mangwe go tlhoka go dirisanya sentle nabo mo tirong ya bone. Ba ntshitse matshwenyego ao mo puisanong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng, ba tlhalosa fa selo se, se ba kgoreletsa go tsamaisa dikgwebo tsa bone le gone go dira ditiro tsa tsatsi le letsatsi ka thelelo. Mopalamente o kopa tomagano ya dikomiti, bogogi E ne e rile ka Mosupologo, ratoropo wa Gaborone, Rre Kagiso Thutlwe, a bolelela makhanselara fa go dirisitswe di dikadike di feta masome a mabedi le boraro mo paakanyong ya didirisiwa tsa motlakase. O buile se mo phuthegong ya kgotla ya loeto la gagwe mo kgaolong eo bosheng, mme a re puso e tlhomamisitse se, a bo a supa fa go bonwe molemo o o ritibatsang bolwetse ja tlhako le molomo mo dikgomong. Fa a akgela, mokhanselara Molemi Rakgomo wa kgaolo ya Ramotswa Legare, o ne a tlhagisa lekgotla leo go tlhalefela mapolotiki, a kaya fa bangwe ba ka tloga ba inaakanya le lone go ba senyetsa moono. Mme Kgathola a re mokgatlho oo wa bone o kgaratlhela go tlhabolola ditlhaloganyo tsa Batswana go ba lemotsha fa ba na le bokgoni jwa go itirela. Rre Mosarwa a re go nna teng ga motlakase mo sekoleng le gone go a thusa ka ba kgona go bala go fitlhelela bosigo le gone ka mafelo a beke tota. Are ka bane ba sena madi a go simolola kgwebo e, ba ne ba simolola ka go dira ditiro tsa nakwana tse din eng di akaretsa go tlhagola mo malwapeng mme ere bonyenyane job a bo tshwarang bar eke peo ya merogo ka mefuta ya yone. Ka jalo a gatelela gore golo moo fela ka bo gone go beile bana ba bone ka fa mosing mme ebile ba tla palelwa ke go itshetsa. A re fa mebaraka e e ka tswalela nama ya Botswana, kgongwana e e rekiwang ka dikete di le pedi go ya kwa godimo mo nakong e e ka felela e wetse kwa tlase le go feta le bone ba ba dinalanyana ba ka seke ba e kgatlhegele ka e tlaa bo e sena mosola. O tsweletse a re dingwe tsa ditiro tseo di kgonne go thapa banana ba bangwe. Rre Mosimanegape yo a neng a patilwe ke moanamisa mafoko a sepodise sa Botswana Rre Christopher Mbulawa o kopile botlhe b aba amegileng mo kotsing eo go nna le tsholofelo ya gore ba tla tokafala ka bony aka bonya mo kokelong ya Mahalapye gammogo le b aba huduseditsweng kwa dikokelong tse dingwe tsa lefatshe leno. O tsweletse ka go supa fa ba kgonne go emisa majalwa a a itirelwang mo malwapeng, mme go setse marikisetso a di Chibuku mme le tsone di obamela melawana fela thata Assistant superintendent Lorato a re sa le ngwaga ono o simolola ba itemogetse kwelo tlase ya seemo sa borukutlhi ka dipalo tse di solofetsang. E re dikgang di eme jalo, Mme Madome o tlhalositse fa a lebaganwe ke dikgwetlho di tshwana le go tlhoka lefelo le le bulegileng go tsamaisa kgwebo. Fa a iteela kobo moroko, Kgosi Issac Lebang wa Boikago a re go bua ka go nna mmogo batho ba sa nyalana e setse e kete ba obola ntho legogo, ka batho ba le bantsi ba dira jalo, mme ba na le tlhong ba sa batle go ikwadisetsa ‘Re a nyalana’. Kgosi Omphile o buile se kwa phuthegong ya banni ba Taolajane, e thulaganyo ya yone e neng e le go ntsha leina la yo o tlaa tsayang bogosi. Fa a tswa la gagwe, Mme Agang Ditlhogo a re go supagala fa lefatshe la Botswana le tshwere ka thata mo go godiseng tsa maranyane. Rre Matho o ile a amogela thomo mme a tlhalosa fa a santse a tshwaregile kwa tiro ya sepodisi, jalo a supa fa a tlaa nama a tshwareletswe ke rrangwanaagwe, e leng Rre Oliver Sebele yo a neng a dumelana le mafoko a ga Rre Matho. O tlhalositse fa madi le one e le kgwetlho ka a ka se kgone go nna a ya Kanye beke le beke a re o ya go tsaya mmopa. O tsweletse ka go kgothatsa Batswana go dirisa lenaneo la nyeletso lehuma le la ISPAAD gore ba kgone go dira dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone le go ntsha dijo tse di lekaneng gore lefatshe leno le emise go ikaega ka go reka dijo kwa mafatsheng a mangwe. Somarelang botsogo jwa bana Boeteledipele ga se kgetsi e e motlhofo mme e kailwe e na le beng ba yone. Kgosi Koitsiwe o buile jalo mo potsolotsong le O tlhalositse gore bangwe batsadi ba felela ba retelelwa ke go tla ka tsela e e maleba e e ka ba thusang mo kgodisang ya ngwana ntswa ba sa nne mmogo. Mo potsolotsong, rabanana wa kgaolo potlana ya Tutume, Rre Tlamelo Tsebe, a re se se tsile morago ga go bona bangwe banana ba tsena fela mo dikgwebong mme ba sa itse gore ba simolole fa kae. Mme Twins o ne a re ruta botsipa jwa go roka ka lerato le bopelotelele, ga tlhalosa mme Mosinyi. Rre Motlokwa o tlhalositse fa a ne a kgona go reka didirisiwa tsa kgwebo mme a simolola go dira sentle a dira ditlhako, mabante, dibeke tse di dirilweng ka letlalo la podi le go baakanya ditlhako le dilwana ka bontsi tsa letlalo. O rile motse ope fela o tshwanetse gore o nne le mananeo a nyeletso lehuma a motiya. A re baithuti bangwe ba itumile molomo wa tlase e bile ba solofeditse go dira dintlha tse 48 mo maduong a makgaolakgang. Gape o ne a akgolela seabe sa dikereke se ba se supileng go lwantsha HIV mme a re ba dikereke tse dingwe ba sa ntse ba ikgogetse morago mo bokopanong jwa go lwantsha mogare. Fa a leboga, mokhanselara wa Mogome/Mokgware, Rre Lesedi Phuthego o ne a lebogela khansele go bo e tsweletse ka go ba gopela tsela ya Mogome/Mokgware, a bo a tlhalosa fa lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le ya go aga kgotla ya Mokgware le go e neela koloi. O kaile e le mmino o ba binang thata ka nako ya manyalo le mediro e mengwe. E ne e rile go le pele, Kgosi Kgakgamatso Moletsane wa kgaolo ya Mabutsane a akgola barulaganyi ba lenaneo leo a re le rotloetsa gore batho ba nyalane ka fa molaong. A re go tlhokafala gore go boelwe gape kwa Batswaneng go utlwa megopolo ya bone, mme go tlaa tla lekoko la botona go tla go utlwa megopolo go tswa mo Batswaneng. Dikereke tsa Letlhakane kwa kgaolong-potlana ya Boteti di kopilwe go tshwaraganela go lwantsha HIV/AIDS ga mmogo le go rapelela Botswana. A re mo ngwageng o, komiti e ya go aga setsha sa sekole sa bana ba babotlana, a supa fa ba emetse didirisiwa tsa kago go goroga ka ba setse ba di dueletse. O tlhalositse fa go tswa foo go ya pele go tlaa boa gape go sekasekwa seemo, mme a gakolola barui go fokotsa leruo la bone, segolo jang dikgomo, go hema gore di jewe ke mmu ka ntata ya leuba. Fa a tswa la yo o thusitsweng, Mme Nonofo Radira o ne a supa fa a itumeletse gore o kgonne go agelwa le ntswa a sa bolo go iteka lesego ka 2010. Rre Dipugiso Bokadi a re mo kgaolong ya Ghanzi ba sokodisiwa ke theko ya malengana le gone go a tsenya mo mafaratlhatlheng ka se se imela bodiredi. Morutabana yo mongwe, Mme Ngula Dlaba a re maikaelelo a bokopano joo, e ne e le go tla go tshwaraganela kgalemo ya baithuti le batsadi. Le fa go ntse jalo, Rre Milton o ne a lebogela seabe sa maphata a farologanyeng, a akaretsa bogogi jwa toropo, ba sepodise ga mmogo le lephata la twantsho borukutlhi la DCEC mo go lwantsheng bogosu jwa diteemane. A re o ne a dirisa boloko le mmu go bopa dinkgwana tse dinnye tse di beelang dithunya. Dikgang tsa tlhalo di tshwenya kgosi Rre Chilimba o ne a kopa dikgosi go bua le batho go emisa go rema ditlhare. A re fa motho a tlhokafetse a ne a bereka mme e bile e ne e le motlhokomedi wa ba lelwapa, lekalana la MVA le thusa go tlamela ba a neng a ba tlhokomela. Lobatse le Serule. Rre Kedise o supile fa dituelo tsa babereki ba ba direlang mo dikonterakeng di le kwa tlase fela thata mo batho ba sa kgoneng go ka itepatepanya le seemo sa itsholelo ka jaana ditlhwatlhwa tsa dijo le ditlamelo tse dingwe tsa botshelo di le kwa godimo fela thata. Ba ne gape ba re ka barutabana ba ba tlogetseng tiro ba le tlhaga ba thapiwe go thusa mo go tsa thuto, ba supa fa serodumo sa thuto se wetse tlase ka bontsi jwa barutabana e le banana ba ba rileng ba laolwa ke nnotagi. E ne e rile go le pele a lekodisa mothusa-tona ka tse di ba amang, modulasetilo wa komiti ya balemi-barui ya Jackalas 1, Rre Headman Keetile a supa ngongorego ka tiego ya go duelwa ga beng ba diterekere fa ba sena go lemela batho, a tlhalosa fa seemo se, se setse se dira gore beng ba diterekere ba goge dinao go thusa balemi ka dinako tsa temo. Le fa go ntse jalo, Mme Gare o tlhalositse fa a a ise a thusiwe ka lenaneo lepe la puso. A re go ne ga fitlhelwa mogwebi mongwe a tlhatlhetse ditonki di le makgolo matlhano mo setsheng sengwe a ditshwere makgwakgwa. O ne a tlhalosa fa motse oo o tlhomamisitswe go nna motse ka ngwaga wa 1993, fa kgotla e simolotse go sekisa ka 1985. Mo go tse dingwe, kgosi o rotloeditse morafe go tsaya dikgotla tsa tetlanyo tsia ka go rerisa dikgosi tsa dikgotla tseo dikgang pele ba di isa kwa kgotleng e tona. Mothusa molaodi o ne a tlhalosa fa dikgaisano tseo tsa dikhwaere ele bontlha bongwe jwa ditirelo tse di tsweletseng go ipaakanyetsa go ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome a mane le boferabobedi, tse gape e leng matlhagolatsela ago ipelela dingwaga tse di masome a matlhano Botswana a ipusa. Se se ne se buiwa ke mothusa modulasetilo wa lekgotla la dikereke Bishop Bampoloki Rantsudu wa kereke ya Spiritual Healing Church bosheng fa ba abela balwetse ba ba robaditsweng mo kokelong ya Mmadinare. O gwetlhile batsadi go dirisa sebaka se ba se neetsweng ke puso, bogolo jang mo go tsa botsogo le mananeo a ba ka itlhabololang ka one. Moruti Thapelo Boemo wa kereke ya Healing Waters kwa Francistown a re batho bangwe ba ba iphitlhelang ba tlhakanetse dikobo pele ga lenyalo ba kgona go felela ba le mo seemong se se thata fa ba tshwanetse gore ba tsene mo lenyalong. Modulasetilo o tlhalositse gore fa e sale bolwetse joo bo simologa mafatshe a eme malala a laotswe go bo thibela go balelwa le lefatshe leno, a supa fa batho botlhe ba ba gorogang ba tswa mafatsheng ao bogolo jang la China kwa bolwetse joo bo tlholegileng teng, ba tlhatlhojwa pele ga ba ka letlelelwa go tsena mo lefatsheng leno. Mokwaledi wa lekgotla leo Mme Doreen Kenaleeng, o boletse fa metse e e ka fa tlase ga lekgotlana leo e le lesome le bobedi, mme ba simolotse go kwadisa ditsha tsa kgaolo ya Kweneng ka ngwaga wa 2013, a supa fa metse e e beilweng ka moalo e le motlhofo go kwadisiwa go na le e e beilweng fela. E tswelela e tlhalosa fa maina a tlaa amogelwa go simolola ka nako ya boroba bongwe phakela go fitlha ka nako ya bongwe motshegare, le go simolola ka nako ya metsotso e le masome a mararo morago ga bobedi go fitlha nako ya botlhano maitseboa. Dikgaolo tse di akaretsa Kgalagadi Bokone, Ngwaketse, Ngwato, Ghanzi, Legare, Letlhakane le Maun. Kgosi Segotsi o buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye botlhaba Mme Botlogile Tshireletso kwa Palla Road ka Mosupologo. Mme Ramaribana a re dikole tsa ithutelo ditiro le tsone ga di na ditlamelo tsa go ruta ba-na-le bogole, ka jalo seemo se se ba tima sebaka sa go tsweledisa kana go ithuta sepe se ba se eletsang. A re pula e dikile e kolobeditse dipampiri tsa booki. Modulasetilo wa lekgotla le le neng le dira kago Mme IrisSitayelo a re bomme ba itumeletse gore ba tokafaditse seemo sa bonno samme yo mongwe mme ba dirile seo ka go kgobokanya madi le didirisiwa tsa kago basena go leba moalo wa ntlo eo. Kgosi Kgamane o ne a tlhalosa fa e le tlwaelo ya Batswana e bile e le ngwao gore ka kgwedi ya Phalane go bolotswe letsema go golola balemi go ya go lema kwa masimong a bone gonne nako ya temo e a bo e setse e atametse. Rre Kgabanyane a re ntswa thulaganyo ya dithuso tsa COVID-19 e sa akaretsa malwapa a a thusiwang ka dijo tsa botlhoki le bana ba dikhutsana, seemo se kgona go fetoga, go lebilwe mabaka mangwe jaaka palo e e mo lwapeng ka nako ya tshekatsheko. Rre Mogwera a re boipuso jwa lefatshe leno e tshwanetse e nne kgwetlho mo Batswaneng gore ba tswelele ka kagiso le thokgamo e ba ntseng ba tshela ka yone. Rre Maele o ntshitse taelo e mo phuthegong ya kgotla kwa Shoshong bosheng. Fa a ntsha la gagwe Rre Marutshe are ope fela yo o batlang go tswelela mo go se a se ratang o tshwanetse go tsenya lorato le bopelotelele mo go sone. Rre Ndhlovu a re batho ba tshwanetse go nna ba ipaakantse ka gonne dibetso tsa tlholego di a ipoeletsa, a tlatsa ka go re, ‘fa re sa kgone go di tila, a re lekeng go di fokotsa’ Molaodi wa Chobe, Dr Temba Mmusi a re thuto puisano e, e tsile ka nako e e tshwanetseng ka gonne batho ba tlhokana le thuto ya go laola manokonoko a dibetso tsa tlholego. O kgothaditse batsadi ba baithuti ba sekole seo go tsaya karolo mo thutong ya bana. Kgosi o tlhalositse fa beng ba leruo le le gapilweng ke khansele ba tlaa le golola ka madi. Mo go tse dingwe banni ba Mahetlwe bare ba lela ka tsela ya Lentsweletau-Kweneng, bare ba batla e tshelwa sekonotere. Kgosikgolo ya Bangwaketse Kgosi Malope II, o tlhalositse fa Kgosi Bome ene ele kgosana ya tetlanyo mo kgotleng yoora Bome mme a tloga a tlhatlosiwa go nna kgosana ee sekisang. E rile banni ba a kgwa mopalamente kgaba, ba lebogela thata loeto la gagwe la go ba lekola mme Rre Mpho Ntsimanyana a iteela legofi thitibalo ya sepolotiki sa lefatshe la Botswana, a bolela fa kwa mafatsheng a mangwe go busiwa ka seroophate. Fa dikgang di eme jalo, dipego tse di tswang kwa Ramokgonami di bolela fa batho bangwe ba e neng e le baratani ba bolokilwe ka mafelo a beke kwa Palapye le Ramokgonami. A banni bangwe ga ba kgone go aga matlo a semente mme le fa go ntse jalo, mmu o ba o dirisang ga ba o dire sentle gore o nne thata. Ke simolola ke lema ka pula ya ntlha me ke tlodise gongwe kgwedi e le nngwe fela ke sa leme mme e re kgwedi ya bobedi ke leme gape. Ngwaga wa 2016 ke ngwaga o o botlhokwa fela thata mo lefatsheng la Botswana. A re tiro eo e gwetlha Motswana mongwe le mongwe go ititaya ga thupana gore ba itirele, ba se ka ba leba go fiwa fela. Keitumele o tsweletse a re o na le tshepho ya gore fa batho ba ka itiisa mo thapelong o na le tsholofelo ya gore e tlaa re ngwaga ono o fela dikotsi di bo di fokotsegile kana di fedile. O tlhalositse fa go latlhwa ga metseto e le kgang e e tlhokisang baeteledipele ba lefatshe leno boroko le ntswa ba lephata la botsogo ba tsweletse ka go ruta batho ka tiriso ya metseto eo. Ba re ba santse ba tshegeditse ngwao ya go lema mme ditholo di ba tsenya mowa wa itlhobogo. Mma Moetse o tlhalositse fa mowa wa lerato ba o anywile mo go mooki wa pele Mme Nightingale ka jalo ba ne ba batla go dira se a neng a ka se dira fa a tshela. Mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Motokwe Rre James Ellard o boletse fa kwa kgaolong ya gagwe go setse go kwadisitswe ditsha di le masome a matlhano le borobabobedi mo lekgolong, a supa fa ba na le dikgwetlho tse dintsi tsa ditsha tse go sa itseweng beng ba tsone, tse dingwe e le tsa batho ba ba tlhokafetseng mme bana ba ise ba dumalane gore setsha se neelwa mang, dikgwebo tse di sa tlhabololwang le matlotla le batho ba berekelang kwa ntle ga metse ya bone. A re se ke ka gore fa monna a sa ntsha bogadi bana le mosadi ba tsile go tshelela fela ba dirisa leina la ko gaabo mosadi. Modulasetilo Mpetsane a re go a tshwenya ka jaana dipalo di supa fa banana ba sa ntse ba le maoto a tshupa go dirisa mananeo go itirela dikgwebo. O tlhalositse gore maikaelelo a bone ke go tlhabolola mananeo a tshwana le la go suga matlalo mme ba dira jalo ka go rutuntsha setshaba ka kitso e e tseneletseng ya tiriso ya matlalo. Mme Sethono a re dikgwebo tsa bomme di gola ngwaga le ngwaga a re ba simolotse ka bagwebi ba le lekgolo, mme gompieno ba bua ka ba le lekgolo le sephatlo. Fa a tsibogela dipotso tse, Rre Makubate o ne a re madi a a tswang kwa bankeng ke a kadimo, ke sekoloto sa BMC e seng sa barui, ntswa madi a tlaa bo a tsena kwa dikarateng tsa bone. Banni ba Makwate le Dovedale kwa kgaolong ya Mahalapye ba ikuetse mo go mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga tautona, fa ba sa itumelele gore mananeo a nyeletso lehuma a bo a sa tsamae sentle mo metseng ya bone. A re paakanyo e e saletseng kwa morago eo ga se e e tshwenyang ka e le e nnye thata mme kompone eo e tlaa neelwa dituelo tsa yone tse di neng di setse fa e sena go baakanya. Mme Tshireletso o rile ere ka bagodi ba lefatshe leno ba nnile le seabe se se tona mo go sireletseng lefatshe leno le go tsweledisa ditiro tsa ditlhabololo ka boithaopo, ke sone se puso ya lefatshe la Botswana e neng ya dumelana mogopolo wa go atswa bagodi ka sengwe kgwedi le kgwedi le go thusa ba eleng batlhoki ka dijo tsa mophako ele tsela nngwe ya go ba tlota le go ba neela seriti se se ba tshwanetseng. Mogokgo o kaile fa ka 2009, baithuti ba bereketse seelo sa 15%, ka 2010 e ne ya nna 57%, fa ka 2011 ba bereketse 59%, 2012 ya nna 52% fa ka 2013 ba bereketse 62.5%. E re ka jaana loruo lwa gagwe lo le kgakala le ene ka lo nna kwa morakeng o tlhomamisa gore lo fiwa furu gabedi ka beke. Mme Boingotlo o buile a kanotse sehuba ka tiro e ntle e e dirilweng ke Tautona Khama go dira mananeo a go thusa batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng go intsha mo lehumeng la nta ya tlhogo. Mothusa mogokgo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mophato wa lokwalo lwa bone ba le masome a ferabongwe le bone mme bana ba kgaogantswe ka ditlhopha di le tharo e leng Seetelo, Tsabong le Nhake. Gape a re dijalo di jewa ke diphologolo tsa naga.Rre Solomon gape o tlhalositse fa ba itemogetse fa bontsi jwa balemi e le bagolo ka jalo bangwe ba felela ba tlogela masimo ba ya go tlhokomela bana fa batsadi ba bone ba ile ditirong. A re mo e tlaa e bo e le go bolaya monko o o tlwaetsweng ke bana ba teng mme ba felele ba itlhoboga ba tswa mo seolong seo. Kgosi kgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III, a re, o bone go tshwanela gore a buisane le ba-na-le-seabe ka dikgwetlho tse di tsalang gore maduo a baithuti a wele tlase gammogo le maitseo a bone a a seng mantle. Rre Motlaleng o supile fabatho bangwe ba itlhokomolosa go tlhokomela tikologo le ntswa go le turu go ebaakanya ebile go le thata go e busetsa mo mannong, a re puso e dirisa madi amantsi go alafa malwetse a a amanang le tikologo a a runyang nako le nako jaakakhupelo,letshololo le a mangwe. A re mo nakong eno Batswana ba ba kolotang metsi ba feta 39 600 mme sekoloto sa bone se feta P600 000. Banni ba akgolelwa go dirisa lenaneo la puso Rre Kelosiwa a re o mo laela morafe oora Mongala. Mothusa modulasetilo wa PTA, Rre Reuben Makaka, o lebogetse dimpho tseo fela thata, mme a kopa batsadi go tlhokomela paka eo le go netefatsa gore bana ba apara sentle fa ba ya sekoleng. O boletse fa erile morago ga tiragalo eo, a tlamega go isa manoto a dilwana tse di neng di setse kwa masikeng, a tlhalosa fa tse dingwe di ne di senyegile. A re go tlhoka go dira sentle mo dithutong ga bana ba sale babotlana go felela go dira gore ba ikamanye le ditiro tse di ba senyetsang bokamoso di tshwana le go ima, go itsenya mo diphatsheng tsa go tsenwa ke mogare wa HIV le go itontela nnotagi mme a kaya fa ba itlamile go tsisa pharologanyo mo baneng bao. A re ba na le mealo e le mebedi fela, o o tswetsweng le o o bulegileng go ya ka boitseanape jwa bone jwa dikago. Mookamedi Mothibi o kgothaditse maloko a kereke eo go tswelela ka mowa wa boithaopo, ka boithaopo bo le mosola thata mo ditlhabololong le ditiro tsa kereke ka bophara. Tona Kgathi o kopile banana go dira ka natla mo lenaneong leo, a tlatsa ka gore fa ba ka tshamekela mo tirong ba tla tshwanelwa ke go arabela maitsholo a go nna jalo, bogolo jang ka dikopo di le dintsi tsa batho ba ba batlang go bereka. Mme Kokoro a re fa e sale khansele e emisa badisa dikago, bana ba tlhagela mo sekoleng ba bo ba tsaya dibuka tsa sekole le dirisiwa tse dingwe. A re mo makgethong mangwe babereki bao ba ikanya go kgaogana le puso fa ba romelwa go berekela kwa dikgaolong. E ne ya re a tsibogela dikgang tsa tiego le bonya jwa go diragadiwa ga lenaneo la nyeletso lehuma mo kgaolong eo, mogolane mo ofising ya boipelego mo kgaolong ya Molepolole/Lentsweletau, mme Dineo Segobai a solofetsa fa ba tshwere ka natla go tokafatsa seemo. Kgosi Mathiba gape o kopa morafe go itisetsa leruo la bone go thibela bogodu. O kaile fa se, se sa tlwaelesega ka bontsi bo nna bo latlha dithupana tse ba sa itse mosola wa tsone. Banni ba dikgotla tsa Phaleng le Bokaa kwa Shoshong ba dumelane mo phuthegong e ba neng ba e tshwere bosheng go dira dipopelelo tsa go ngongoregela go tlhoka go rarabololwa ga kgang ya bogosi jwa motse wa bone. Fa a bua mo potsolotsong le A re ntswa ba na le madi mo letloleng la VDC, ba itlamile gore ba seka ba nama ba a dirisitse go tlatsa madi a bone a koleke. Modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Florah Mpetsane o boleletse phuthego ya khansele ka Mosupologo gore Gulubane ke ene a amegileng thata ka malwapa a le 13 a senyegile, a salwa morago ke Mambo ka malwapa a fera bongwe. Banni ba Kgari le Pole mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima ba kopile puso go agela metse ya bone diofisi tsa kgotla. Modiri mo lephateng la boipelogo, Mme Lenah Thebeyakgosi, o ne a tlhalosa fa maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse a tswanetse go dira dingwaga tse pedi fela mme a supa fa molao o mosha o neela maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse go dira dingwaga tse tharo. Ghanzi a amogela letsholo la Monna Tia Go sa bereka ga dipone go a tshwenya Motshwara madi wa lekgotla, Rre Makgekgenene Kwape o ne a rolela batsena phuthego pego ya bone ya madi go simolola ka Hirikgong ka jaana bone ba tlhophilwe kgwedi ya Morule e le tlhola gatlhano ngogola. O boletse fa gape batho ba motse oo ba tlhakaladitswe ke lenyora ka jaana dipolasi tseo di tswaletse didiba tsa metsi ka kwa teng. A re go kgala mo ga metsi go ka felela gape go dira gore dimela dingwe tse di jewang ke leruo di nyelele. A re bana ke bokamoso jwa lefatshe, ka jalo go botlhokwa go tshwaraganela thuto ka go fa baithuti ba lokwalo lwa bone go fitlha ka la bosupa thotloetso e e tlhokafalang gore ba dire bontle mo thuton ya bone. O supile gape fa bangwe ba abetswe lefatshe mo go senang ditlamelo mme ba retelelwa ke go le tlhabolola ka ntlha ya letlhoko la ditsompelo mme ba felele ba ipaya fela gaufi le fa ba ka akolang ditlamelo teng. Molemisi o ne gape a supa matshwenyego ka balemi ba ba ’bete se molangwana go lema ka ditselana, ba re go isa thobo ya bone kwa tlase. Erile a akgela modulasetilo wa lephata le legolwane la kabo ditsha kwa Kweneng, Rre Moemedi Babitseng, o boletse fa leeto la bone e ne e le go tlisa morero mo bathong ba metse e e amilweng ke go tla ga ditlhabololo tsa dipolase tse di segilweng. Fa o le motsadi o tshwanetse go itse ka fa ngwana wa gago a dirang ka teng kwa sekoleng mme se se ka kgonagala ka go ipha nako go kopana le barutabana kwa sekoleng, ga tlhalosa Kgosi. A re ka go tlhoka lesego dikgang tsa boitseme ga di nke di goroga kwa diofising tsa bone gore ba tsenye kgalemo. Batawana ba ipaakanyetsa Tautona O ne gape a supa asa itumelele botho jwa bangwe b aba thapilweng ke kompone eo ka ba kgona go tsena mo malwapeng a batho bas a ba dumedise mme ba tlhamalele kwa di pompon go tsaya dipalo tsa dimmithara. O ne a kopa borre go ikamanya le ditiro tse di mosola eseng go kgokgontsha bomme. A re o dumela gore kago ya kereke eo ke moka e leng ya ga Jehova ka sebelebele. A re bangwe ba rekela ditlatlana tsa gagwe go kgabisa kwa meketeng e tshwana le manyalo mme bangwe ba di dirisa go tsenya dipeo kwa masimong. A re, bolwetse joo, bo jesetsa lefatshe leno mo kgobedung ka bo tsweletse ka go gapa matshelo a batho. Kgosi Tapson Jackalas wa Jackalas1 o lebogetse go bo a ne a tlogela tiro ka bogodi, mme a seka a ganelela mo setilong. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Nchoko a supa fa mo lebakeng le leleele bana bangwe ba koo ba ne ba tlhoka go akola thuto ka lebaka la sekgala se seleele go tswa Mosinki go ya Molepolole kana Thebephatshwa. Modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang moletlo wa phenyo Rre Jonathan Selelo ene o boletse fa ba akanya go ipela ka Seetebosigo. Rre Ramaabya a re kgomo e e isiwang kwa matlhabelong e supa ka botlalo gore ke ya ga mang, mme se se diretswe go fokotsa bogodu jwa leruo. A re o bonye go le botlhokwa go e lema ka dikgomo tsa gagwe di bolailwe ke leuba ngwaga o o fetileng. Go tsena mo lekgotleng, motho o ikwadisa ka Fifty Pula , mme a boloke fifty Pula kgwedi le kgwedi. O dirile jalo kwa phuthegong ya kgotla beke ee fetileng, a tlhalosa gore ke tlwaelo ya Bangwaketse gore e re fa ngwaga o tloga o fela, go bolodiwe letsema gore morafe o ye go lema. A re ke ka moo malwetse a felelang a ipoeletsa. Dr Seretse Khama Ian Khama le go mo lebogela maiteko a gagwe a go tlhabolola matshelo a Batswana ka mananeo a a farologanyeng le go mo eleletsa boikhutso jaaka a tlaa bo a tlogela tiro. Ka Modimo o seke o latlha, o ne a tlhalosa fa ba ne ba atlega, mme ba isiwa dithutong ke ba lephata la boipelego go ithuta go tlhatswa diaparo ga mmogo le go dirisa dimashini tse di tlhatswang. Mogokgo wa sekole seo, Mme Rebaone Maseba a supile fa sekole sa gagwe se ikaegile ka Modimo segolo jang ka se na le bana ba dithuto tse di faphegileng. O tsweletse a re ,147 wa dikoloi tseo di setse di baakantswe mme lephata le ikaelela go kopa tse dingwe go di baakanya le bo le di dirisa. O supile fa moletlo o o ne o tshwanetse go nna ka Mopitlo mme wa tlosolosiwa. Botshoma o itlhaopela go rotloetsa Nyangabgwe Fa a tlhalosa mo potsolotsong kwa Omaweneno bosheng, Kgosi Samuel Bimbo a re bogadi ga se dituelo mme ke tebogo e e dirwang ke monna a leboga boora mosadi go bo ba mo godiseditse mosadi. Bishopo Jakoba o buile se bosheng kwa moletlong wa kereke o o neng o tshwaretswe kwa Mahalapye. Banni ba Tewane ba tlaa letlanya bogogi A tlatsa ka go ba kopa go nna le mowa wa lorato le neelano le gone go amogela maduo jaaka a ntse. O tsweletse a supa fa ele ba bogosi ba tla tseela beng ba leruo le le sailang mo motseng dikgato. Mme Kgotlaetsile a re o ipapatsa ka ditsela tse di farologaneng. Moruti Mogome a re lefatshe leno le tletse ka tshephahalo ya Modimo, ka pabalelo ya gagwe, a re Modimo ga a kgetholole, e bile o lorato. O tlhalositse fa phutho e tsaya malatsi a le lesome le bone. Mokhanselera Metseyabeng ene o ne a galaletsa makalana a botsogo, banana, ba melawana ya khansele le ba ga molaodi a re monongwaga ba ne ba tsibogela diemo ka bofefo go thusa ba ba ba tlhokang thuso ka nako. Dingwe tse ba ngongoregileng ka tsone ke tiego ya go phakisiwa ga batlhoki le bana ba masiela dijo, tiego ya go goroga ga didirisiwa tsa Ipelegeng kwa metsing ya magae, tiego ya go agwa ga diofisi tsa kgotla kwa Shakwe, go atolosiwa ga dikokelwana tsa metse ya bone gore di nne le matlwana a pelegiso le tiego ya go thusiwa ga batho ba ba ikopetseng dithuso ka lenaneo la nyeletso lehuma. E re le ntswa setlhopha sa Letlapeng se tlhatlogetse kwa leking e kgolwane ya Be-Mobile, go bolelwa fa se ne se raletse dikgwetlho. A re gape o ikaegile ka loruo lwa gagwe ka go mo thusa fa mpuru a faretswe ka go reka lookwane lwa sediba kana go thusa mo lwapeng. A re se se gogela bareki kwa kgwebong ya gagwe, e bile ba mo tlele ka bareki ba basha ka ba anamisa mo motseng ka monate wa dijo tse a di apayang ba bapatsa kgwebo ya gagwe. O buile gore batsadi ba tshwanetse ba supa kgatlhego lego nna le seabe thutegong ya bana ba bone. Makhanselara mangwe a Bokone Botlhaba a supile fa a sa itumedisiwa ke tshwetsho ya lekgotla la kabo ditsha ya go thubela banni bangwe ba go tweng ke bomaipaafela. Kgosi Moatshing a re ba filwe matlo a mararo a batlhoki a a tlaa agiwang mo nakong e e sa fediseng pelo. A re go na le dikgang tsa gore kgosi o kgokgontsha mapodisi ntswa e le tsamaiso le tshwanelo ya gagwe go gakolola bodiredi jwa kgotla fa go na le boitseme mo tirong. Rre Chilimba o ile a bolela fa mo ditshekatshekong tsa lenaneo la ditogamaano tsa ditlhabololo tsa bosupa, ba lemogile dikgwetlho di le mmalwa tsa letlhoko la madi le le neng la paledisa go dirwa ga mananeo. Legale, ba atile mogopolo wa go tlhama makgotla mme ba kopa go rutuntshiwa mo go tseneletseng gore ba nne le kitso e e tletseng gore e sere mo tsamaong ya nako lekgotla la bone la phutlhama ka ntata ya botlhoka kitso. Fa ba akgela, batsena phuthego ba ne ba supa fa ele nnete banana ba sa bonale e bile ba sa utlwale tota fa go tla mo dikgannyeng tsa sepolotiki ntswa ba le bantsi ka palo mo lefatsheng leno. Kgosi Kgari o ne a tlhalosa fa mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, go ne ga tshwarwa dipuisanyo tse di telele fa Kgosi Saki a ne a tshwanetse go tlhatlhama rraagwe, mme ga dumalanwa gore rangwanaagwe a mo tshwarelele. Khansele ya Palapye e thusa batlhoki bana ba le 1 851 A re e le ba lephata la botsogo le boitekanelo, letsatsi leo le ba fa sebaka sa go bona bomme Grace Mpofu le Thapelo Million ba a fa bopaki ka fa ba falotseng bolwetse jwa TB ka teng, ba supa fa ba kgonne ntwa eo ka kemonokeng ya ba malwapa a bone le gone go tsaya kalafi ka fa go tshwanetseng ka teng. Gagamatsang seteropo - tona O thalositse fa a setse a diretse kgwebo ya gagwe setlankana bosheng ka thotloetso ya puso, mme se se tlaa mo thusa go ipapatsa botoka le go kopa dithuso mo pusong gore kgwebo ya gagwe e gole. Rre Ramokwena o rile fa TautonaLt. E re le ntswa diphetogo di tsweletse ka go nyeletsa ditiro dingwe tse di rotloetsang ngwao ya Setswana, bangwe bone ba ititeile dihuba gore ba tlaa dira ka gotlhe go tshegetsa ngwao. Banni ba motse ba ne ba supa jalo gore ba ’bete se molangwana ka bogosi joo, ka jalo ba kopa gore kgotla ya ditsheko e rarabolole kgang gore go neelwe yo ka fa molaong e le kgosi tota wa Makopong. A re mo teng ga ithutuntsho eo, go ne go na le banana ba ba setseng ba le mo dikgwebong tse di tsweletseng jaanong ba ba laleditse go tla go nna sekao, ga mmogo le go kgothatsa bangwe ka bone. A re botlhe ba ba eletsang go ba tswa thuso ba ikopanye le bone mme ba ka thusa ka fa ba ka kgonang ka teng. Mopalemente o tlhalositse fa ane a tshwaraganetse puisano e le Dr Tlamelo Mmatli yo e leng Mopalamente wa Molepolole Borwa. Le fa gontse jalo, Rre Moatlhodi o lebogile balemi ba Tonota go bo ba kgonne go dirisa mefuta e mesha ya temo le gone go ntsha dijo tse di nametsang. Mokhanselara Lampy Ngake a re ke maikarabelo a morafe go tlhokomela le go phepafatsa mabitla, a tlatsa ka go re ba nne ba ba itsese mathata a bone go ba tswa thuso go na le go emela diphuthego. Ba sepodise mo Tsabong ba akgolela banni ba motse o seemo sa borukutlhi se se ileng ko tlase sale ngwaga ono o simolola. Tsamaya o ye court nako nngwe o tla sala o gakgametse. O boletse gore le ntswa a lebogiwa ka lemmenyana le eseng la sepe jaana mme ene ke mmueledi wa batho. Go ipaya ditsha go dia ditlhabololo Rre Mavona a re sesupo ke gore gangwe le gape bontsi jwa Batswana ba bonwa ba tlola melelwane go ya go reka merogo le maungo kwa South Africa. A re metseto e ka bakela batho malwetse a tshwana le letshololo le mogare wa HIV gammogo le go tsenya dikgomo bolwetse jwa mabele jo gantsi bo bakwang ke leswe la setho. O ne a supa fa go kukela ga melato ya dititeo tse di bakang dikgobalo di ile magoletsa. Kesekang o akgola lenaneo la banana Bodiredi bo a tlhaela kwa Morwamosu Batlang maano a itshetso-Kwerepe One a tswelela gape a kopa gore babereki ba Ipelegeng ba fiwe diaparo tsa itshireletso ka jaana ba berekela mo diemong tse di diphatsa. O ne a tswelela ka go lebogela balemi ba kgaolo ya gagwe go bo ba ne ba leka ka bojotlhe go lema ka bokete ditema tse di itumedisang mo temong e e fetileng. Le fa go ntse jalo, Kgosi Mosweu o supile fa a sa itumedisiwe ke ka fa mananeo mangwe a tsamaisiwang ka teng. Mme Bagwasi o kaile fa a itumelela tirisanyo mmogo ya mogwebi yo, ka a reetsa dikgwetlho le dilelo tsa bone mme a siamise tsotlhe. O gakolotse gape gore batsadi ba rotloetse bana go kopa thuso fa ba tsaya ditshwetso tse di amanang le botsogo jwa bone le go ba ruta go nna le boikarabelo ka madi a ba a fiwang mme ba seka ba ba fa go fetisa se ba se tlhokang. Kgosi Charles Letsholathebe o ne a re ene ga a bone molato ope mo tsamaisong ya ga malaodi ka a dirile gore bodirelapuso bo ba tswe maoto go ba ela kwa dikgotlaneng, a tlatsa ka go re kana le bone batho fa ba bidiwa ga ba tle go tla go itseela molaetsa. Tiro ya diatla e tshwana le go roka ke nngwe ya tse di ka tshetsang bontsi jwa Batswana. Baithaopi ba rutwa ka dibetso tsa tlholego A re ba itumeletse maduo a lokwalo lwa bosupa ka a supa fa tiro ba e dira, mme a supa fa ngwana yo o nang le bogole a ne a seka a dira bontle ntateng ya gore o ne a tlhoka koloi e e mo isang sekoleng kwa Moroka. E re ntswa kankere e kgona go thibelwa, Mme Modibedi a re bolwetse jo bo tsweletse ka go gapa matshelo. Rre Mokubate o ne a bua a sa kgwe mathe ka dipodi tsa lenaneo la nyeletsa lehuma, a re bone ele ba ba eletsang go tsaya lenaneo le, ba dira tiro ya go batla dipodi, mme e a re madi a go di reka a tshwanetse go tswa, e bo go ngodiega gore beng ba leruo ba itlhoboge. Ke simolotse ke dira ka kiribane, batho bangwe ba ne ba nkgoelela mme ka kgothadiwa ke mme mongwe a nthaya a re kiribana e e ta tsoga e ntheketse koloi, ga tlhalosa Rre Thokwane. Mme wa dingwaga tse 77 wa kgotla ya Bogosing kwa Tsabong Mme Seolotlegeng Ntau o tlhokomela loruo lwa gagwe ka go thuga tshetlho go dira furu ka a turelwa ke go reka furu kwa marekisetsong a puso. Rre Mamane a re balemi ba nne ba ya masimong le dintsa tsa bone segolo bogolo ka nako ya maitseboa go emela ditholo tse. A re ba tlhoka diphathi tsotlhe tsa sepolotiki, makgotlana otlhe a dikereke le a mangwe mme a re puso yone e a go fetoga. O tlhalositse fa e akaretsa go betsa, go tlhaba ka thipa, go tladimola le tiriso ya sengwe fela se se ka bakang dikgobalo. Mothusa tona wa peeletso, papadi le madirelo, Rre Biggie Butale a re go botlhokwa gore fa motho a batla go simolola kgwebo a inaakanye le lekalana la Local Enterprise Authority (LEA), go mo thusa le go mo fa maele ka tsa kgwebo. Rre Tese o kaile fa ngwana yo o sa tshwaraganelweng a nna makgasa, mme a seka a dira sentle mo dithutong. A re ya gore motho fa a le kwa kgolegelong a seka a gololwa fa dingwaga tse a di atlhotsweng diise diwele a re eo tota go abo go lebilwe boitsholo jwa gagwe fa a ntse a le mo kgolegelong go bo gotwe o bakile ga nke a boelele mme a utlwelwe bothoko. O tlhalositse fa botsogo jwa ngwana e le maikarabelo a botlhe, a supa fa bana ba beile mo batsading ba bone go ba neela tlhokomelo e e tshwanetseng. Mme Mpole o boletse fa a rekisa tse a di lemileng go bona dipoelo le ntswa bothata balemi mo kgaolong ba le bantsi mme mmaraka wa go rekisa o le monnye ka jalo a itlhophetse go tsamaya mo motseng a rekisa ditamati le morogo wa gagwe mme di rekiwa sentle dipoelo di nametsa fela thata. Morago, Dr VensonMoitoi o ne a abela sekole sa Mokgware paka ya metshameko le dibolo di le lesome, fa ba Mogome bone ba ne ba bona dibolo fela. Kgosi Ketlogetswe a re go tlhoka bodiredi joo mo motseng go a ba babalela ka jaana dirukutlhi di itirela go rata le go kgona di sa tshosediwe ke sepe, a tlatsa ka gore e ne ya re bosheng jaana ba welwa ke seru sa diphefo tsa matlakadibe, tse di neng tsa rutlolola leobo la kgotla. Go kaiwa fa seemo sa ditsela mo kgalong potlana ya Letlhakeng ga mmogo le tsamaiso ya metsi ya Water Utilities di tshwenya thata. Ke dumela gore o tlaa dira ka botswapelo, ga tlhalosa Rre Kwelagobe Mokwaledi wa BDP, Rre Mpho Balopi a re go botlhokwa go tlhopha Rre Phuthego ka gore o setse a itshupile ka ditiro tsa gagwe gore o kgona go rongwa. Rre Boko o ne a re Batswana ba na le tshwanelo ya go babalesega le go itshetsa e seng tshwanelo ya go tshela fela. Rre Elias a re bontsi jwa ditlamelo tsa puso di santse di le mahala, ka jalo botlhokwa go di dirisa. Monni yo mongwe, Rre Ketshepamang Monnaesi le ene a re o tshwentswe ke dipalo tse di golelang pele tsa boimana mo baneng ba basetsanyana ba ba santseng ba le kwa sekoleng. O tsweletse a tlhalosa fa lenaneo le, le kgatlhile dikole tse dingwe mo ba setseng ba tla kwa go bone go tsaya malebela. Le fa go ntse jalo, motse wa Robelela o ne o tlaa bona ditlhabololo di tshwana le go gokelwa ga motlakase kwa kgotleng le tse dingwe. Ba ba thusa ka dijo, diaparo le dikobo. Bokhutlo O supa fa se e le sone se bakileng tshologelo e e kwa tlase e ba e boneng. Kgosi a re ba lekile go batla tlhaloso mme nako kgolo ke eno. O tsweletse a bolela fa lenyalo le le tlhomamisitsweng ka fa molaong le efa banyalani seriti le tlotlo gape le bopaganya setshaba, a gatelela gore lenyalo ke motheo wa lelwapa, tshegofatso e e tswang kwa Modimong, ka jalo a kopa banyalani go tlotla malwapa a bone. O ne a tshepisa fa banni bao tlaa bona thuso go simolola Motsheganong 18. Are botsalano jwa bone bo tlaa tlisa tse dikgolo mo isagong ka ba ikaelela go thusa mokgatlho oo ka kago ko setsheng sa bone,gone ko Sese. Mme Sullivan o ne a rotloetsa batsadi go tsaya seabe mo thutong ya bana ba bone, a re go mo magetleng a bone go bona gore bana ba tsweletse jang ka ke bone bokamoso, a tlatsa ka gore barutabana ba ka se kgone ba le nosi. Mokwaledi wa kgaolo ya Legare, Rre Gaolathe Dipholo a re fa seemo sa madi se letla, e tlaa re ngwaga o o tlang motse wa Nata o fetolwe go nna kgaolo-potlana. O rotloeditse morafe go bega dikgang tsa tshenyetso setshaba, a kgothatsa gape morafe go tsena diphuthego tsa khansele go utlwa baemedi ba bone ba bua ka dikgang tsa setshaba. A re mokgwa o ke go gweba ka ngwana. A re fa lekgotla la OYEBO le ka amogela dithuso go tswa diphathing tsa sepolotiki, le ka tloga la lebega ele la pathi e e rileng mme banana bangwe ba felele ba le tlhoboga. A re topo ya thekiso ke gore sepe se se rekisiwang e tshwanetse ya bo e le sa boleng jo bo rileng mme e bile o ka se latedisa kwa moding wa sone. A re fa go lengwa sentle ka ditselana thobo e nna botoka e bile molemi o kgona go tlhagola sentle a tsamaya mo ditselaneng tse di fa gare ga dijalo le gone go tshela chefi mo dijing. Rre Sebigi o rotloeditse bomme go tokafatsa le go itsise ba bangwe mo mafelong a a farologaneng, go ikoketsa, le go gagamatsa dithuto le kitso tsa tiro e ba e thapetsweng. A re e sale a fiwa dikgomo tse,o tshwere ka thata go di tlhokomela ka e le jone botshelo jwa gagwe,mme a supa fa di tsweletse ka go ata ntswa go na le kgwetlho ya malwetsi a leruo. Kgosi Mangongorego o tlogela mosadi le bana ba basetsana ba le bane ga mmogo le rragwe le mmaagwe. Sekolo se sebotlana sa Nyangabgwe kwa Francistown se ne se tshwere moletlo go amogela Rre Thabang Botshoma jaaka morotloetsi wa sone. O bile a tswelela a gwetlha banana lefatshe ka bophara, go tlogela mowa wa gore temo thuo e a berekisa e na le dikgwetlho. O ne a dira jalo mme a ba kope gore ba mo tlhatswe diatla. A re o itumelela gore phetogo e e dirilweng kwa dikokelwaneng ya gore di seka tsa tswalwa e fokoditse mosuke kwa sepateleng. Phologo o boela mo bogosing A re bangwe ba dirisa metlobo ya dibuka go batlisisa le go ithutuntsha ka dingwao tsa merafe e sele le ka ditso tsa lefatshe leno. O tlhalositse fa mo tshimologong ya bone bane ba rutiwa mefuta le boleng jwa majwe a, le gore a ka ba sologela molemo jang ke Rre Rapelang Nkgowe wa kompone ya Masa Semi Precious Stone. Rre Ganetsang are ga go motlhofo go tlhokomela palo e e kalo ya bana, ka jalo ba ne ba tsaya tshwetso ya gore ba nne le batsadi ba bone ko mekhukhung e e anameng le naga ya Sese ,mme ba tle go tlhapa le go ja ko go ga gagwe mo mosong pele ga baya sekolong ga mmogo le fa sekolo se tswa . Go le pele ke ne ke dirisa dithupana tse go jesa dipudi kana ke efa bafeti ka tsela, mme pheletsong ka lemoga fa di le botlhokwa e bile nka dira seshabo ka tsone, Mme Leuru a latlhela. Rre Mokubate a re bangwe ba ile ithutuntshong ya go dira ga mananeo mangwe, mme fa ba tswa koo ba nna fela go se sepe se ba se dirang ka didirisiwa di le bonya go tla. Fa a ntsha la gagwe moreri wa letsatsi, Rev. Kgosi Bock o buile jalo ka Matlhatso (03/06/2015) mo tswalong semmuso ya letsholo la malatsi a le lesome a ba lekalana la Men Sector la go gasa melaetsa a ya HIV/AIDS, go nwa bojalwa phetelela le tse dingwe. Erile a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng wa Mogodithane bosheng, rre Bashingi a supa fa mo nakong eno ba engwe pele ke dikgang di feta makgolo a mane (400) tse tiego ya tharabololo ya tsone go ememeng pele maiteko otlhe a go ka aba lefatshe. Kgotlhatso e dirilwe ke kgosi Boithamako Keipone mo lonyalong la kgosana ya kgotlana ya Kgaimena Rre Gaosotwe Masole le mohumagadi wa gagwe, Mme Godiramang Tsietso, ba go bolelwang ele batho ba ntlha kwa Otse go nyalana kafa molaong le go nna le setlankana sa lonyalo. Rre Badisang o ikuela mo barataning segolo jang ba ba nnang mmogo ba sa nyalana go kopa dikgakololo mo batsading, dikgosi, mapodisi le badiri ba lephata la boipelego fa ba na le dikgotlhang mabapi le tsa marato ka jaana go bolaya ba bangwe le go ikgapela botshelo e se go rarabolola mathata. A re Rre Nkgowe o ba thusitse fela thata ka e bile ba rekisetsa khamphani ya gagwe majwe o ne a. Mme Seabe o tlhalositse fa mabele ao a ka dira dijo tsa leruo fa a kgaolwa pele ga a butswa. E re dikgang di eme jalo, kgosi o ne a gwetlha Batswana ka kakaretso go ya go tlhopha mo ditlhophong tsa setshaba tse di tla tshwarwang kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bone, a kaya fa tlhopho ya bone e le botlhokwa go aga lefatshe leno. A re o tsene mo kgwebong e ka maikaelelo a go thusa ba gaabo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ka ba supile fa ba na le lerato le legolo mo temong. Motshameko oo wa makgaolakgang o ne wa tsewa e le wa go thibela malwetse a tlhakanelo dikobo le go thibela mogare wa HIV go tswa kwa go mmangwana go tsena mo ngwaneng. O ne a gwetlha setshaba go itlhokomela ka jaana morago ga dipula tse di sa tswang go gosomana, go ka nna le bolwetse jwa letshoroma, a rotloetsa gore go ntshiwe tsotlhe tse di ka okang monang mo malwapeng. Inspector Gaborone a re e tla re mo bogaufing mokgweetsi wa koloi eo a itshupe fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mme fa a ka bonwa molato o ka atlholwa madi aa sa feteng P10 000 kana kgolegelo ya dingwaga tse di seng kwa tlase ga ngwaga tse tlhano. Fa a ntsha malebo, mokhanselara wa kgaolo, Rre Tsabahule Kgothang o kopile setshaba go ema ka dinao go thusa mo ntweng e, a bolela fa puso e le nosi e ka se kgone go tlhabantsha le go fenya bolwetse jo. Rre Tsela a re ditlhopha tsa mmino wa Setswana tse di neng di natefisa kwa moletlong o, ga di a ka tsa swabisa ba ba neng ba tsholegile go tla go jesa matlho a bone monate ka go ntsha ga tshwene fa ba diragatsa. Mokwaledi wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae rre Boipelo Khumomatlhare,o ne a supa fa ba batle megopolo mo go bone e e ka isang lephata ko pele ,atlatsa ka gore bontsi jwa dikgang tsa bone ke tse di ka buiwa mo makalaneng le mo lephateng ,a kopa bagolwane ba bone go tshwara phuthego ya babereka ka bonako go rarabolola matshwenyego a babereki. Rre Jibichibi o buile jalo kwa letsatsing la go ipelela temo la balemi ba Mapatswa bosheng. A re seo se dira gore kgwebo e seka ya bona dipoelo sentle ka e ikaegile thata ka merogo le maungo. Rre Newman Mbise wa lebentlele la Sun City kwa motseng oo, o supile fa kgwebo ya gagwe, e a e simolotseng ka ngwaga wa 2007, e sa gole ka fa a eletsang ka teng, ka theko e le kwa tlase thata. Mogologolo o rile nonyane ya motsoga pele e ja seboko se se nonneng. Mme Mpetsane o rotloeditse setshaba go tsaya dikgato tse di lebaneng di akaretsa go kgaola bojang go fokotsa go tsala ga monang. Mothusa tona o diragaditse taolo e ka Labobedi mo kgotleng ya Makopong mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa. Dikago tseo, tse di agilweng ka P40 million, di akaretsa matlo a borobalo a baithuti ba basimane ba le 152 le ba basetsana ba le 152, a batlhokomedi ba baithuti a le mabedi, a barutabana a le marataro, ntlo e e beelang le ya boapeelo, phaposi e go sidilelwang maikutlo mo go yone, matlo a borutelo a le mabedi le matlwana a boitiketso. Ba ne ba tlhalosa gape fa ba kopa go tsenyediwa motlakase, ba supa fa dikgwebo tsa bone tsa mananeo a puso di sa bereke sentle ntateng ya letlhoko la motlakase. Monongwaga o tlhalositse fa ba ne ba tseneletse dikgaisano tse gape ba phadisanya mo karolong ya kapari mme ba boa ba iponela maemo a boraro ba bo ba kgonne go fetela kwa legatong la makgaolakgang kwa Francistown go ya go phadisanya le baroki ba bangwe. Fa a leboga, modulasetilo wa komiti ya mokgatho wa Gopolang Balwetse mo sepateleng seo Rre Disang Kehupetse o ne a tswantshanya baithuti bao ba ba segofetseng ka go bereka mo maphateng a puso a a farologanyeng, le monna mongwe wa Baebele wa Mosamarea yo o neng a tlamela monna mongwe yo o neng a mo fitlhela a kgophaletse gaufi le tsela a ketikilwe ke dinokwane ebile a le gaufi le go swa. O gateletse thata segolo bogolo gore balemi ba sale ditaelo tseo fa ba dirisa melemo e e lwantshang mohero, a tlhalosa fa e le borai fela thata mo matshelong a batho fa e ka se dirisiwe ka fa tshwanelong. O ne a gatelela mosola wa lekalana leo a re le eteletswe pele ke lekgotla la bomankge ba dikisto tsa semolao le tiriso ya madi. Mme Madome yo o dingwaga di masome matlhano le bosupa o supile fa dithoto tsa gagwe di rekwa thata ke bomme ba di rekela go kgabisa kwa mantlong, mme gape a kgona go rekisetsa ba dikompone le ba madirelo a mangwe go kgabisa kwa diofising. Mme Miranda o tsweletse ka go kopa morafe le baeteledipele ba motse go dirisana mmogo gore ba kgone go tsweledisa ditlhabololo tsa motse wa bone boemong jwa go kubetsana ka mafoko ka seo se ka ba kgaoganya ka bogare. O ne a kopa ba lephata la dipalamo go ba thusa beng ba dipalamo tsa setshaba, a re ba gana go folosa batho mo maemelong a a tshwanetseng e bile a diretswe go folosa le go pega setshaba. Mopalamente wa kgaolo eo, Rre Haskins Nkaigwa, o ne a lebogela lesedi le mothusa tona, a tsileng ka lone, a supa fa go tlhokafala gore banni ba ne ba ithuta gore ba tle ba kgone. Mopalamente Rre Lelatisitswe one a ba lekodisa ka tsamaiso e ncha ya kabo ya lefatshe,a supa fa puso e lemogile gore kabo ya lefatshe e tlhakatlhakane e bo e tswa ka lenaneo la go dira moalo wa lefatshe mo lefatsheng lotlhe. Batsadi ba Dikgonnye mo kgaolong ya Mochudi Bophirima ba kopilwe go emela thuto ya bana ba bone ka dinao ka jaana e le bokamoso jwa bone. Fa a ntsha la gagwe, Rre Dithapo o kopile thotloetso mo morafeng le dikgosi tsa motse oo gore a kgone go ba direla ka botswa pelo. Ka dimpho tsa ba FNBB le BPC ditsholofelo di kwa godimo. A re lekalana la LEA le rutuntsha Batswana ka tsa kgwebo le go ba fa maele gore ba ka tsamaisa jang dikgwebo tsa bone, a tlhalosa fa ba thusa ntle le dituelo. Modulasetilo Rre Makale o ne a laola go tswalwa ga dipuisano ka makhanselara a a neng a le kgatlhanong le ene a ne a kgoreletsa tsamaiso ba kopa gore a tshutiso ya bone ya go mo thankgola e bewe fa pele ga phuthego ntswa e seyo mo lenaneong. A bo a tlhalosa fa sekidi sa lefatshe leo e santse e le sekgwa fela se se ka nna sekgele sa dikhilomithara di ka feta makgolo a heta borobabobedi. Morago ga dipego tsa go tlhorontshiwa ke setlhare sa sexanana kwa kgaolong ya Kgalagadi, banni ba Letlhakeng kwa kgaolong ya Kweneng ga ba bone boroko ka setlhare seo jaanong se bonala se ntsifetse mo motseng wa bone. Moeteledipele mo lephateng la CTO mo Tsabong Rre Loruo Morwe o ne a supa ba tshwengwa ke palo e ntsi ya dikoloi tse di amegang mo dikotsing tsa tsela ka ntlha ya go kgweetsa bohahalele ga bakgweetsi bangwe ba puso. A re leruo le itseelwa sesolo ke magodu a a jesetsang barui mo kgobedung. Fa e le paka ya dipula ba tla ba kolobile le tsone dibuka tota, fa gongwe ba tla ba sa tlhapa le go ja ba sa ja, ba supa go sena metsi kwa ba nnang teng. Mogokgo o ne a kopa mopalamente gore a ba thuse ka paka ya sekole ka gore ba utlwalela fela a aba kwa mafelong a mangwe, ka jalo ba ipotsa gore o tlaa ba gopola leng. Mme Moloi o supile fa ba ba ruta go dirisa khomputara ga mmogo le go e bula go ba kaela dikarolo tsa yone gore di bereka jang le tse dingwe mme a re go ruta ngwana khomputara go ka mo fa lesedi la go itse go e baakanya fa e na le mathata. Ba tsweletse ba tlhalosa fa metsi e le selo sa botlhokwa fela thata se motho a ka se kgoneng go tshela ntleng le one ka jalo ba kopa gore khansele e tsibogele seemo se gonne se ka baya botsogo jwa bone ka fa mosing. Mme Kgodungwe o ne a kgothatsa banana gore ba seka ba letlelela bontlhopheng go ba dirisa dilo tse di seng ka fa molaong mme a ba kgothatsa go ikwadisetsa ditlhopho gore lentswe la bone le utlwale. A re mo bogompienong, dipudi tsa gagwe di 1esome le boferabongwe. Rre Moribame o tlhalositse fa go baakanya tsela ya Bobonong-Lekkerport go tsweletse sentle e bile go le gaufi le go fela, go tsenya ditlamelo kwa ditsheng tse disha tsa Malepane kwa Bobonong le Phase 1 kwa Mmadinare go fedile. A tlhalosa fa ba sa thuse,mo Botswana fela a re le kwa mafatsheng a Botswana a bapileng le one tiro ya boithaopi ba kgona go lalediwa go ya go thusa teng. Bana bao ba lekwalo la bosupa , ba ne ba tswa mo mafelong a a farologaneng a supa , ba tlhokomedi ba ba bone ba ne ba rutuntshiwa kwa motseng wa Maunatlala. O ne gape a kopa molaodi go bua le ba ofisi ya merero ya tsa bong ka jaana batho ba motse oo bane ba lela ka go nna kgakala ga yone ntswa bae tlhoka. Dirang jalo ka go tlhopha Domkrag. A re o solofela fa kgwebo ya gagwe e tlaa kgatlha ba le bantsi, mme ba fetole megopolo le dikakanyo tsa bone, bangwe ba tlaa felela ba ntsha le ga tshwene mo ba ntseng ba go fitlhile. Mme Phindela o ne a nesetsa pula tiro ya ba mokgatlho wa Rotary a re o dumela fa le bone e ba tlhatswitse dipelo ka go thusa batho ba bangwe e le yone pinagare ya tiro ya mokgatlho wa bone. Mme Mosese a re bogodu jwa dihutshane ga mmogo le malwetse a tshwana le jwa diphilo di ba busetsa kwa morago. Rre Koosaletse a re sekole sa Dinokwane se tsaya bana ba ba tswang mo masimong a Masama le Motlhabaneng, ka jalo bana ba e le bana ba ba tswang kwa malwapeng a itsholelo e e kwa tlase. Fa a itebaganya le kgang ya lekgotla le sekole, o ne a re dikoko ga di ke di tlhakanya mae, a re go kabo go ne ga nnelwa ditumalano tsa gore ba sekole ba tlaa duela jang. A re batsadi, dikole le makgotla a mangwe ba dira go le gontsi go thibela tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi mo bananeng ka go bua le bone. Rre Thaga yo e leng mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Serowe, a re ba itse ka tlhaelo ya matlwana a borutelo kwa sekoleng seo, a re se se tlaa arajwa nako e madi a tlaa bonalang. Mo makgethong a le mantsi ba ba babalelwang ke go kgothosiwa mo mebileng e, ke bomme. Go tlhoka go tsena sekole, ga go a kgoreletsa Mme Alone go godisa bana ba gagwe ba basimane ba babedi ka yo mongwe ele moletsa phala wa popota wa motshameko wa kgwele ya dinao, fa wa gofejane ene e le motshameka pele wa setlhopha sa Orapa United se se tshamekang mo liking ya Be-Mobile. Fa a bua ka seabe sa mophato oo, o o tlhamilweng ke bomme ba ba tshotsweng ka 1930, a re le fa bomme bao ba setse ba sa kgone ka ntlha ya bogodi e bile ba bangwe ba seo mo botshelong, bana ba bone ba tsere marapo mme ba tsweletse sentle go tshegetsa ngwao le ditso ka mophato oo. A re Batswana ga se chaba e e agilweng ka madi mme a ba rotloetsa gore e nne bone matlho a leruo la bone. Fa a bua ka ditso tsa Maboane, Rre Kobo Kobo o supile fa batho ba motse oo ba ne ba fuduga kwa Metsibotlhoko, morago ga gore Kgosi Bonewamang a ba kope gore ba fudugele kwa Letlhakeng. O boletse fa dikhansele tse dingwe di gatetse pele ka omogopolo oo ka maduo a one a bonala. Moruti Benjamin Mogome a re maikaelelo magolo ke go fitlhelela matshelo a batho ba ba tshwenyegileng thata, a tlatsa ka gore batho ba ba kwa ntle ga kereke ba feletswe ke tshepho ka jaana dipelo tsa bone di thubegile. Rre Nkunda o tlhalositse fa kitsiso ya lephata la tepo lewapi e dule mme e supa fa monongwaga pula e tlaa nna boutsana, a kgothatsa balemi go ikitaya ka thupana gore ba leme ka bonako go somarela bokgola. O boletse fa se se baka gore bangwe ba tlhaelwe ke pampiri ya dikgang ba bo ba tlolwa ke dikgang tsa ditiragalo tsa lefatshe ka kakaretso tse a reng di ka bo di tswetse bangwe mosola. A re dikgomo tse di sa jesiwang omang kgotsa di sena manyena a e leng one bosupi di sega tsebe ka di nyefola maiteko a BMC a go rekisa nama ya Botswana kwa mmarakeng o o botoka gore baruakgomo ba bone dipoelo tse di botoka. A re baithuti ba ba tswang kwa Mokokwana, Mosweu le Seolwane ba tsamaya sekgala se seleele go ya kwa sekoleng se segolwane sa Maunatlala, ka jalo dikago tse di raya gore baithuti ba tlaa nna le nako ya go ithuta ka ba tlaa bo ba nna mo sekoleng. Mme Gwai a re madi a ba setseng ba a kgobokantse ba ne ba rekela kokelwana ya motse oo ditilo di le lesome. Mogolwane go tswa kwa lephateng la ipabalelo tseleng, Rre Amos Motshegwe o ne a supa fa dikotsi tsa tsela di tsweletse ka go gapa matshelo a batho. Ditlhopho tsa poelelo tsa kgaolwana ya Kalakamati kwa kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima di tlaa tshwarwa kgwedi eno e le masome a mabedi le borobabongwe. A re seemo se ga se jese diwelang ka jaana mapodise a a leng teng a imelwa ke tiro, mme dirukutlhi di felele di itirela boithatelo. Ba tlhalosa fa maikaelelo a bone jaanong e le go phepafatsa Mahalapye le go baakanya dipompo tse di dutlang gore e re ba tsamaya sengwe le sengwe se bo se boetseng mo mannong. Mogolwane wa mapodise mo kgaolong ya Borwa Rre Oreeditse Mautle o lebogetse banni ba kgaolo ya Goodhope – Mabule go itshwara sentle ka nako ya ditlhopho tse di sa tswang go tshwarwa ka mafelo a beke. Mogolwane wa lephata la thuto go tswa kwa moding, Rre Vumani Luckson, a re go a lebosega go bona Batswana ba ithaopela go thusa dikolo dingwe. A re o tlaa bo a e beela metlha ya komelelo go kgona go jesa leruo la gagwe. O ne a tlhalosa fa a kgatlhwa ke go bona banana ba ba mo lenaneong le ba dira tiro ka bokgabane le botswa pelo. E rile mmonnamogolo a sena go hulara, Mme Baikepi a tsaya di dirisiwa tsa gagwe gore le ene a lekeletse gore o ka seke a dire jaaka a ne a bona rraagwe a dira. A re ba feletse ba ba koba ka jaana metsi a ne a kolota P90 000. A re kgang e nngwe e e utlwisang botlhoko e bile e ama ke ya gore le ntswa melaetsa le dithuto ka bolwetse jo di tsweletse ka go gasiwa mo Batswaneng, lephata la botsogo le sa ntse le na le dikgang tse disha tsa batho ba ba tsenwang ke mogare wa HIV ka selekanyo sa 3.45%, mo jaanong e leng matshosetsi mo maitekong a go emisa kanamo le go tsenwa ke megare e mesha ga batho. Mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofho Molefi o ne a kopa setshaba sa Selebi Phikwe go boela kwa go Ramasedi ka thapelo ka gore kagiso le thokgamo di tswa kwa go ene. Mme Khubu o kopile Batswana go tsaya mananeo a puso a a ka tlhabololang matshelo a bone mme ba seka ba itsapa ka e tlaa re mo tsamaong ya nako ba bone maduo. Rre Ramokate a re go a itumedisa go bo mo go tse di neng di lejwa, ofisi ya Bokone Botlhaba e ne e dira go swela, mo e neng e tsaya maduo a le go feta mo dikarolong tse dingwe. Kgosi Mokgatla a re se se amang ka tsone ditiro tse ke gore di diragala fa pele ga matlho a batsadi e bile gape di ama le bone baithuti ba sekolo se se potlana mme fela bangwe batsadi ba a di itlhokomolosa. O ne a ba kopa gore ba seka ba dira jalo ka go dira jalo go diya tsamaiso. Mo go tse dingwe, Mme Makgato o boletse fa tsela ya dikhilomithara tse di makgolo mararo go tswa kwa Nata go ya Maun e tlaa dirwa. Banni ba Kasane ba tlhalosa fa ba sa jesiwe diwelang ke tsela e e kopanyang Kasane le Plateau ka go bo e sa babalesega mme se se dira gore diphologolo jaaka ditlou le dinare di tshosetse matshelo a bone ka gore di kgabaganya foo. Mothusa mogokgo mo sekoleng se se botlana sa Nhake mo Tsabong ,Mme Nnuku Lorekang a re ba tshwengwa ke tlhaelo ya matlo a borutelo le mochine o o ntsifatsang dipampiri mo sekoleng sa bone tse di felelang di diga maduo a sekole seo. Mme Van Der Merwe o tlhomamamise se ka go supa fa banka ee a eteletseng pele e le yone fela ee ya bona go le botlhokwa go thusa banni ba ba mo kgaolong ya kgalagadi borwa go ba thusa mo polokong ya madi le dikamogelo go tokofatsa seemo ka pele ba ne ba dirisa sefofane go tla go thusa setshaba. Kgosi Tsiane o kopile morafe wa gagwe go leba kwa Modimong, ka jaana boitseanape bo le bontsi mme malwetse one a tsweletse ka go ntsifala e bile e le a a sa alafesegeng. Thuto e, e nnile teng morago ga gore balemi ba bolele fa ba sa robe sepe ka gore dijalo tsa bone di fetswa ke bojang jo bo fekeetsang dijalo go gola, mme segolo bogolo ba le bete se molangwana ka motlhwa o o anameng le masimo a bone. Detective Assistant Superintendent Nkhwanana o tlhalositse fa setopo seo se ne se le mo lehuting le go epiwang mantswe a konkoreite mo go lone, le le neng le sa katelwa, le sone setopo se ne se sa apara sepe, fa e se borokgwe jwa ka kwa teng. Le fa gone dikolotsana tseo di ne di ise di goroge go ka rolelwa beng ba tsone, ka go ne go nnile le tiego mo go tlisiweng ga tsone, leloko la mokgatlho wa rotary, Mme Charmaine De’Ath, o ne a tlhalosetsa batsena tiro eo fa di tlaa bo di gorogile pele ga dibeke tse pedi di wela. Go nna seopo sengwe go ka tsholetsa serodumo sa kgaolo A re o simolotse ka dikgomo di le lesome le botlhano mme tsa ganyaolwa ke mopalo. E rile a buwa kwa moletlong wa dijo tsa maitsebowa wa maloko a Ntlo ya Dikgosi mo Gaborone ka Labone, Dr Kedikilwe a re dikgosi di tswa kgakala di rwele boikarabelo jwa go bopaganya setshaba. Mongwe wa baithuti ba pele ba sekolo se sebotlana sa Gakhibane ,Mme Lilly Sullivan o ne a fa bopaki ka go tlhwaafalela dithuto le maduo a gone. A re mo mabakeng a mangwe, Batswana ba reka dithoto tse di sa letlelelweng tse batswakwa ba tsenang mo lefatsheng leno ka tsone ntswa ba itse fa ba sa tsena mo lefatsheng leno ka fa molaong. 2016 ngwaga wa boitumelo Mo diphuthegong tse a tsamayang a di tshwara go laela batho ba kgaolo ya gagwe, mopalamente wa Mmadinare, Dr Ponatshego Kedikilwe o tlhalositse fa sengwe se a se kgonne kwa Mogapinyana ele go ba agisanya jaaka a ba tlogela ba bopagane mme a tlhalosa fa jaanong go le mo maruding a bone go ganana le semorafe se a rileng fa ba sa ikeletlhoko se tla a ba kgaoganya. A re ba ikanye lefoko la Modimo fa ba le mo dipharagobeng le gore ba itse fa mosepele wa lorato o na le bokhutlo. Maemo ao a mothusa modulasetilo a ntse a tshwerwe ke mokhanselera wa Lerala Botlhaba, Rre Kabo Ketshogile, yo ka nako e a neng a tlhophiwa a neng a le mo phathing e e busang. Mo go tse dingwe, o ba kopile gore ba seka ba felela Tautona Mokgweetsi Masisi pelo ka jaana ke gone a tsenang mo setilong, a supa maikaelelo a gagwe e le go tlhabolola lefatshe leno. Kgokgontsho e direga malatsi otlhe, gongwe le gongwe; mo malwapeng, kwa ditirong le fa gare ga batho tota. Ba Talaojane ba tlhopha Matho Badirelapuso ba lemela Childline merogo O boletse fa Rre Kgathi a latlhegelwa ke mowa wa boutlwelobotlhoko bogolo jang mo dikgannyeng tse di amang leruo. Banni ba metse e e kwa kgaolong ya Tswapong Borwa ba ikuetse mo go mopalamente wa bone, Mme Dorcas Makgato ka bogodu jwa leruo. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, kgosi o supile fa banni ba motse oo ba tsere lenaneo leo ka tlhwaafalo mme a ba akgolela tirisano mmogo le boraditerekere ka a bolela fa go sena dikgang tse a di begetsweng tsa tlhoka kutlwisisano. Mogolwane wa mapodise aLetlhakane, Superintendent Michael Maphephu a re ba ba tlhokafetseng, kemosimane wa dingwaga di le lesome le bobedi, basetsana ba le babedi ba badingwaga tse supa le boferabobedi. E rile ba aba mpho eo mogolwane wa banka eo mono Palapye, Mme Kegomoditswe Gaebolae a tlhalosa fa e le boikarabelo jwa bone e le bodiredi go bona gore ba tsenya letsogo jang mo kgodisong ya bana le mo setshabeng ka kakaretso. Mo phuthegong eo barutabana ba mephato yotlhe ba ne ba tlhalosetsa batsadi ka maduo a bana a setlha sa bobedi le gore tsholofelo ke eng mo nakong e e tlang, ba ne gape ba ngongorega ka batsadi bangwe ba ba sa kgatlhegeleng le go tshwaragana le bone ka ditiro tsa bana ba bone ka ba etela kwa sekoleng go ya go lekola ka fa bana ba dirang ka teng mo dithutong tsa bone. O kgadile fela thata dipolaano tse gantsi di tlhotlhelediwang segolo bogolo ke go sa iketlang ga marato a banana, mme a dira boikuelo mo bananeng gore ba seka ba itlhaganela go inaakanya le tsa tlhakanelo dikobo ba ise ba tlhaloganye dintlha dingwe tsa botshelo. O ba tlhaloseditse ka lenaneo la go reka matlo le dikoloi le le tsayang dingwaga tse di masome mabedi go nale tse di lesome jaaka pele. Bomme ba supile mowa wa Lorato Go sa boneng thotloetso le mmaraka ga dikgwebo segolo jang tse di potlana go felela go dira gore beng ba dikgwebo ba kgobege marapo. O tlhalositse fa bakapelo bangwe gole gantsi ba loba go bua gore bana le mogare fa ba tsena mo loratong mme a re dikgang tseo di nna di diragala gantsi, a tlatsa ka gore go botlhokwa go re batho ba sidilwe maikutlo le go rutiwa go fokotsa seemo sa go gola ga mogare. Rre Kabelo gape ke ene a neng a tswa ka kopo ya gore setilo sa mothusa modulasetilo se kabiwe ka yo ba neng ba mo tlhophile a fudugile. Rre Tsebe a re, banana ba supile kgatlhego mo go se se rutilweng. Balemi ba kgaolo ya Machaneng ba rotloeditswe go lema dijalo tse di kgonang go itshetlela mo nakong eno ya phetogo ya loapi. Ditonki tse go fitlhetswe di bolailwe bosetlhogo go tsewa matlalo a tsone go ya go rekisiwa fa tse dingwe di ne di swa ka lebaka la tlala le lenyora. O ngongoregile ka batho ba ba lemelwang mahala mme ba phuaganye masimo go ya go bereka Ipelegeng. Le fa go ntse jalo, o kopile puso go thusa balemi bangwe ba ba duleng ba iphotlhere ka mebu ya masimo a bone e ema metsi. Mo go tse dingwe, Rre Masisi o buile ka maiteko a puso a go tokafatsa matshelo a badiri gammogo le go atolosa dituelo tsa bone. Superintendent Gabathuse, a re le fa dilalome tseo di ne tsa leka go sia, ba ile ba tshwarwa gape ka thuso ya ba sepodisi go tswa Ramotswa, Kanye, Special Support Group le ba sefofane sa tlhoo-tomo. Ba re ba tlhola ba bona jaaka mananeo a puso a solegela ba bangwe molemo mo mafelong a mangwe ka jalo le bone ba eletsa gore ba ka nna le metsi gore ba kgone go jesa ba malwapa a bone. Go ntse go le foo, Rre Batshu, yo gape e leng mopalamente wa Nkange, o ne a tlhatlhelela banni ka ditirelo tsa lephata la gagwe, a re o bone go tshwanela gore a tsamaye a lekodisa batho ka ditirelo tse ba di neelwang ke maphata a a welang ka fa tlase ga lephata la gagwe le go bona gore a ditirelo tseo di goroga sentle kwa setshaben O ne a gakolola banni ba metse eo, go kwadisa ka fa molaong leso lengwe le lengwe le le diragalang mo malatsing a le masome a mararo, a tlatsa ka gore ngwana mongwe le mongwe yo o tsholwang le ene o tshwanetse a kwadisiwa le go direlwa setlankana mo malatsing a le masome a marataro. O ne gape a re se kereke ya UCCSA e se dirang ke go gwetlhadikereke tse dingwe go ema ka dinao go supa lerato le le senang dipaka le gotsaya mongwe le mongwe ka tekatekano ka batho botlhe ba dirilwe mo tshwanong yaModimo. O buile seo mo phuthegong ya kgotla e biditswe ke mopalamente wa Bobirwa, Rre Shaw Kgathi. Kgosi ya tetlanyo mo kgotleng ya kgosing kwa motseng wa Thamaga, Kgosi Setlhomonyane Koboyakgomo a re o itumelela tirisanyo mmogo ya batsadi ba motse oo morago ga gore o farafarwe ke dikgang tsa botlhoka tsebe. E rile fa a tlhalosa maikaelelo a merapelo eo, mogokaganyi wa merero ya HIV/AIDS, Rre Ketlaleka Monyadiwa a re ke go gopola ba ba re tlogetseng le go lebelela kwa morago kwa re tswang teng dingwaga tse di masome a matlhano go tshelwa le HIV/AIDS. E ntse e le kwa thuto-puisnyong eo, Mme Mpho Lucas, yo e neng e le morulaganyi mogolo wa tiro eo, o supile fa lephata la papadi le madirelo le eme ka dinao go bona gore ba-na-le bogole ga ba bewe ka fa mosing. Go ya ka Mme Lekolori, palo ya bareki ba semausu sa gagwe e gola ka mmetela mo e leng gore gantsi o apaya dijo tse dintsi mme ga a kgone go jesa bareki botlhe, mo go dirileng gore malatsi ano batho ba beeletse dijo nako e sale teng ka mogala. Ba bosekisi ba ne ba supa fa ditlhotlhomiso mo kgannyeng eo di santse di tsweletse ka ba letile mokwalo o o rurifatsang beng ba dikgomo. Kgosi o kopile baithuti go itsa gore ba nne ba bileditswe boitsholo jo bo sa amogeleseng ka Setswana se re, leina le le ntle motho o a le itirela. A seemo se re le ba khansele le mapodisi a kgaolo re se potlakele ka matshelo le bokamoso jwa bana ba rona di tshwanetse go tokafadiwa, a rialo Rre Sebina. Rre Oats yo ebileng gape e le modiri go tswa mo lekalaneng la boipelego mo khanseleng ya Kgalagdi o boletse fa kabo dimpho eo e le tshimologo ya loeto la bone le ba sepatela sa Tsabong a kaya fa gape keletso ya bone e le gore palo ya bone e oketsege gore ba tle ba kgone go dira go le gontsi mo setshabeng. Kgafela o kgala sogwasogwane A re tlhwatlhwa ya diteemane mo go tlhabololeng lefatshe la Botswana ke e kgolo e bile di na le seabe se segolo mo go tsiseng madi a mafatshe a sele mono gae. A re bangwe ba kgona go lemolola masimo a le mantsi mme kwa bofelong ba bo ba tsaya sebaka se seleele ba sa a leme mme seo se babalele balemi. Mme Ndebele a re nnotagi eo e bolaile banana ba motse mo ba setseng ba sena kgatlhego e e kalo mo go tseyeng mananeo a puso a a ka ba ntshang mo lehumeng, mme a re letshogo la bone e le boeteledipele ke gore tiriso phetelela ya nnotagi e tlaa felela e oketsa borukutlhi mo motseng. O supa fa maikaelelo a bone e le go tsamaya ba ipega pele mo bogosing mo dikgaolong tse di farologaneng go ba tlhalosetsa ka maitlamo, moono le maikaelelo a bone. O tsweletse a supa fa motse wa Nata o tshwanelwa go ka tlhongwa ka o fa gare ga metse e mengwe e e mo kgaolong eo le dipalo tsa batho ba ba mo kgaolong eo di kwa godimo thata go ya ka dipalo tsa batho tsa 2011. A re metlobo ya dibuka e botlhokwa ka e thusa baithuti go tlhwaafalela dithuto tsa bone bogolo jang ka ba tlaa bo ba kgatlhegela go bala. O kopile baruti ba dikereke go ne ba etela kgotla ya gagwe a tlhalosa gore o tshwenngwa ke botlhokatsebe jo bo atang mo bananeng ba kgotla eo. Tona wa thuto e kgolwane, dipatlisiso, boranyane le boitseanape, Dr Alfred Madigele, o abetse banni ba Ga-segwagwa P10 000 le kgomo go thusa mo moketeng wa peo ya kgosana. Rre Malikongwa o gwethile badirelapuso go fetola ditlhaloganyo le dikakanyo tsa bone gore ba dire tiro ka natla. Sekolo sa Serorome se ipelela ngwao E rile a bua mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi, mopalamente wa kgaolo eo, Rre Gilbert Mangole, a supa fa maduo a sekolo se se sebotlana sa motse oo a wetse tlase mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa. Makhanselara a kgaolo ya Serowe a supile fa ba le sebete se molangwana ka tiego e e dirwang ke badiri ba lephata la temo-thuo ba ba dirang le lenaneo la LIMID. O ne a supa fa a akgola batsadi ba a reng ba ntsha di-tsa bone go tlhomamisa gore bana le ba e seng ba bone ba ya sekoleng. Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana wa Moiyabana a re go tlhoka tsebe ga baithuti go dira gore ba felele ba isitswe kwa lekgotleng go otlhaelwa go tlola molao. Banni ga ba tsene diphuthego A re ba ne ba tshwanelwa ke go leletsa kwa ofising e e tsamaisang ditlhopho (IEC) go rarabolola kgang. Kgosi Goitsheka Hetanang wa Tonota a re o tshwenngwa ke dipalo tse di golelang pele tsa dipego tsa dikiteo mo motseng wa gagwe. Rre Kgobero o tsweletse a supa fa merwalela e e ka ama thata batho ba ba agileng go bapa le noka le ba ba lemileng kana ba masimo a bone a leng gaufi le noka. Baikopedi ba lenaneo la kago ba atlegile Puso e lebogela seabe sa kereke Superintendent Halahala o boletse fa tiragalo eo e diragetse bosigo jwa Labobedi, mme ba ragogela kwa lefelong la tiragalo kwa ba fitlhetse rre yoo a rapaletse mo bodibeng jwa madi. Modiredi mo lenaneong la nyeletso lehuma kwa metseng ya Mahetlwe le Hatsalatladi, Rre Kenyaditswe Seanneng, a re thulaganyo ya thuo ya dihutshane kwa metseng eo e kgorelediwa ke gore barui ba setse ba le bete se molangwana ka go rekisetsa lenaneo leo dipodi, ka jaana ba ngongoregela tiego ya dituelo. Mo potsolotsong le ba BOPA Motsheganong a le 16, Kgosi Tlhabologang Hube wa motse wa Sojwe, o ne a tlhaba mokgosi, a supa fa banni bao ba babaletswe ke tlala, go supahala fa thulaganyo ya go ba sekaseka e saletse morago. Mo go tse dingwe, tona o tsweletse a kopa batsadi go direla bana ba bone ba ba digelang dingwaga tse di lesome le borataro dikarata tsa Omang, ka Omang e le one lotshwao le selotlolo sa botshelo jwa Motswana mongwe le mongwe, a re Omang o tshwanetse a dirwa mo malatsing a le masome a mararo ngwana a sena go digela dingwaga tseo. A re o dumela fa motlhwa o aga mo seolong ka jalo go le botlhokwa go bolaya khumagadi ya sone seolo seo, e e twaelesegileng ka go bidiwa mmaseolo. A re ngwao e sireletsa batho mo go direng dilo tse di ka ba tsenyang mo diphatseng ka meila. O ne gape a re ba tshwenngwa ke leruo le le gobeyang mo ditselen,g a supa barui ka monwana gore ga ba tlhokomele leruo. Thoromo ya lefatshe e amile mafelo mangwe E rile ba BOPA mo Ghanzi ba bua le mothusa mokwaledi wa lephata la makgotla a Setswana mo Ghanzi, Rre Dikaelo Serigi a re Kgosi Mangongorego o tlhokafetse kgwedi e e fetileng e le malatsi a a masome mararo le motso (Sedimonthole 31) kwa kokelong ya Letsholathebe Memorial kwa Maun, mme o tlaa bolokwa kgwedi eno e le lesome le boraro (Hirikgong 14) gone kwa Bere. E ntse e le mabapi le dimpho, Rre Thamane o boletse fa kompone e tlaa rekela Thato Cave mogala o o sephaphathi e be e rekele le mmaagwe mogala oo. E ne e rile gole pele modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa dikgotla tseo Rre Mothoagae Mothoagae a tlhalosa fa ba kopa puso gore e ba seka sekele bone ele ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse gore a b aka se okeletswe dikatso. O ne a kopa botlhe ba ba akotseng dithuso tse di farologanyeng tsa mananeo a puso go di somarela gore di ba tswele mosola le gore maiteko a puso a go leka go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo mo Batswaneng a tswe maduo. A re lenaneo leo le file banana ba ba neng ba itlhobogile sebaka sa go ka boela mo seemong sa botshelo. Borre ba kopiwa go tila malwetse O tlhalositse fa e sale ka 2011 sekolo sa gagwe se tsaya ketapele mo dikolong tsa kgaolo ya Middlepits. E re lefa go ntse jalo, bangwe ba ba sa itseng bodiphatsa jwa sone ba se nna moriti mo malwapeng a bone. A re basadi ba ka isa kgang kwa ga mmakaseterata go sekisa banna fa ba akanya gore ba ba dietse nako. Dr Kedikilwe, yo gape e leng Mothusa Tautona, o kopile morafe go bala molao wa bogosi ka kelelelo le go o tlhaloganya, a re seo seka dira gore ba tlhaloganye le go itse ditshwanelo tsa bone le tsamaiso ya bogosi. Banni ba Gerald Estate kwa Francistown ba supile fa ba nna mo lefatsheng le ka dipalo tse di kwa godimo ntswa ba sena diteseletso. Mme Gare o tlhalosa fa mo bogompienong a bereka a tsentse marapo dinameng ka gore paka ya bajanala e simologile, ka jalo ba tshwanetse go mo fitlhela a feditse bontsi jwa dilwana tsa gagwe. O ne gape a kopa gore bodiredi bongwe jwa sepodisi bo isiwe kwa go ba ditima molelo gore e re ka nako ya dikotsi ba bo ba le gaufi go thusa. Rre Kwelagobe a re BDP e rotloetsa tshwaragano e seng fela ya maloko a yone. Gabriel Tsuaneng wa phuthego ya Lontone ko Ramotswa a re thobo e tshwana le pepetletso e na le tsamaiso. Rre Senai a re le fa go tserwe tshwetso ya gore ba ba kolotang ba gokelelwe metsi, ba tshwanetse ba lemoge gore molato ga o bole be tlaa tshwanelwa ke go duela fa ntwa ya COVID–19 e bepa. Rre Rapoo o kopile batlhophi go ntshafatsa dikarata tsa bone tsa Omang, a supa fa thulaganyo ya ditlhopho e ikaegile ka karata ya Omang. O ne a tswelela a gakolola balemi go tsaya temo ya bone ka tlhwaafalo le go supa lorato le maikarabelo ka go tlhokomela dijalo. Rre Autlwetse o tlhalositse fa lephata la gagwe le phutholotse letsogo ka go ntsha mananeo a temo-thuo gore Batswana ba a akole. O tlhalositse fa tiro e e ba itumedisitse fela thata ka e supa tirisano mmogo ya booki le morafe. A re bo anama fa molwetse wa teng a gotlhola kana a ethimola a sa thiba molomo kana nko kana motho a amana le didirisiwa kgotsa diatla tse di kgotlelesegileng. Molaodi wa Bokone Bophirima, Rre Keolopile Leipego a re bogakolodi ka lenyalo bo botlhokwa ka e le jone motheo wa lone. O ne gape a supa fa lenaneo leo le tsenelelwa ke banana ba dingwaga tse di fa gare ga masome mabedi le masome a mararo mme a supa fa yo o batlang go tlogela ka mabaka a sekolo kgotsa tiro a tla supa mme a letlelelwe go dira jalo. O tsweletse a re bontsi jwa batho bao, ba na le bana, bangwe ke bagwe fa bangwe e le dingwetsi mme fa go tshwanetse gore magadi a tswe, kgang ya boagedi e a tlhagoga mme go ketefatse merero. Le fa go ne ga dirwa maiteko otlhe go fa bogakolodi ke bagakolodi ba khansele eo, makhanselara a ne a le supa le le fa, ba re bone ga bana go amogela sepe se se mo lenaneong go fitlhelela tshutiso ya bone e reeediwa. Dr Seretse Khama Ian Khama ka 2008 di supile dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana. Le ntswa ba itumeletse kago ya ofisi le morafe wa gagwe Kgosi o ne ba kopa dithuso tse di akaretsang dibalama makgolo koloi le tse dingwe tse di ka seo se ka thusa mo go ba direleng tiro motlhofo mo go thuseng setshaba ka natla. A re le fa go ntse jalo batho ba ele tlhoko gore melemo e, e tlhoka gore molemi a bo a na le lesedi la go bala dikaelo tsa go e dirisa ka go sa nneng jalo go ka baka ditlamorago tse di tlaa bong di sa siamela ba ba tlaa bong ba a ja tsone dijalo tseo. A re ba babalela dithoto tsa puso le go diragatsa maitlamo le maikemisetso a puso a gore dithuso di goroga kwa bathong go sena dibelebejane. Ntswa Rre Makubate a ne a amogela fa BMC e tshwentswe ke tiego ya dituelo, baruakgomo ba ne ba supa fa BMC e tswa kgakala e ba solofetsa dilo mme e bo e sa di diragatse. O tlhalositse gore motlapele a re motlhoka sa gagwe ke moka a suleng’’ ka jalo o ba gwetlhile gore ba tlhwaafalele maiteko a puso mo go buseletseng seriti sa bone, ka jaana lehuma le diga motho seriti. A re mono gae ba na le dikgaolo dile thataro, mme Radisele le tse dingwe tse dilesome le bone di wela mo kgaolong ya Lesoso. O kopile batho go tlogela mokgwa wa go thapa batswakwa ba ba senang dipampiri tse di ba letlelang go nna mono.A re fa go nna jaana e nna mokgweleo wa puso ka jalo go senyega madi a mantsi a a kabong a ka dirisiwa go tlhabolola lefatshe ka go boloka batho bao le go ba batlisa ba masika. lela a re go na le batsadi bangwe ba go ka tweng ba gweba ka bana ba bone ka ba bulela borre ba batona mabati gore ba ratane le bana ba bone gore morago banna bao ba ba fe madi le go ba direla tseo tse ba di tlhokang mo malwapeng a bone. Mme Baikepi, yo o dingwaga tse di masome mane, a re rraagwe e ne e le mmetli wa dikika, dijokwe le dilo ka go farologana. Superintendent Maphephu okopile bakgweetsi go nna ba kgweetsa ka kelelelo ka nako tsotlhe bogolo thatafa ba le mo ditseleng tse di fa gare ga motse. A re yo o tlhabilweng thobega o ne a betlelwa thobane ya mogwana go ikokotela ka yone fa a robegile mo leotong, mme fa e le mo seatleng o ne a batlelwa letsela le bo le bofelelwa mo molaleng gore letsogo le seka la akgega. A re golo mo ke poelo morago ka jaana batho ba itshetsa ka loruo, e bile le banana ba ba nang le kgatlhego mo mananeong a temo-thuo ba tlaa kgobega marapo. Mo go tse dingwe, Rre Makubate o ne a re dikarata tse di fiwa ba ba pegileng dikgomo e seng motho a santse a akanyetsa, a tlatsa ka gore fa madi a bone a tsena ba tlaa amogela melaetsa mo megaleng ya letheka. A re ba lebile segolo jang banana ka ke bone gole gantsi ba farafarwang ke dikgwetlho jaaka ba gola. O ne a tlatsa ka gore go botlhokwa thata gore banana ba tsalane le baemedi ba bone ba sepolotiki. A re temo thuo e ka thusa go bula diphatlha tsa ditiro, a re ene o setse a thapile badiri ba le batlhano, mme e bile a na le maikaelelo gore a atolose kgwebo ya gagwe gore a tle a kgone go ooketsa badiri. A re batho ba tlogela masimo ka dipalo tse di kwa godimo ka go tshaba dirukutlhi tsa bana ba motse wa Tonota e seng batswakwa jaaka bangwe ba belaela. Mogopolo wa maloba wa boipelego wa motho le motho e ne ele mowa wa boipelego o ka rotloetsang go itirela le go atolosa itsholelo. Rre Makgalemele a re go botlhokwa gore madi a seka a dirisiwa mo ditirong tsa ditlhabololo jaaka dikago fela, mme a tshwanetse a tsenngwa mo ditirong dingwe tse di ka thusang go lwantsha dikgwetlho tse di apesitseng setshaba kobo ka letshoba jaaka letlhoko la ditiro le lehuma. Khansele le DHMT di anamisa molaetsa E rile a ntsha la gagwe, Rre Botshoma a tlhalosa fa a tsere tshwetso ya go nna morotloetsi wa sekolo sa Nyangabgwe ka ele sone se a simolotseng dithuto tsa gagwe mo go sone ka ngwaga wa 1971. Fa a ba kwa dikgaba, Mme Kruger o ne a ba tlhalosetsa fa boeteledipele jwa khansele ya toropo ya Lobatse bo itlamile go tsenya leitlho le le tseneletseng thata go netefatsa gore melao ya phiro le pereko e salwa morago mme ka maswabi ga ba na thata ya go ba tseela dikgato fa ba ka fitlhela dilo dingwe di sokame. Mo potsolotsong bosheng, Rre Puku o tlhalositse fa lenaneo la banana le mo tsile matshidiso ka P98 806.00 go bula kgwebo ya tshilo kwa kwa Zwenshambe. O tlhalositse fa a dirisa mokolwane go loga mme a o kgetla kwa letshitshing la noka ya Motloutse gone kwa Motlhabaneng. A re ga a bone mosola wa gore madi ao a kgaoaganngwe, a tlhalosa fa go le botlhokwa gore go lebelelwe ditlhabololo tse di tona tse di ka diriwang tse di ka solegelang batho botlhe ba kgaolo molemo. A re kgwebo ya thuo ya dipodi e tlhoka boineelo le bopelotelele ka dinako tsotlhe ka e na le dikgwetlho tse motho a tshwanetseng go nna a di ipaakanyeditse ka dinako tsotlhe. O bile a kopa baruti go rapela thata gore pula e tle e ne. Go kgaoganya temo go na le dipoelo Banana bao ba kaile fa lenaneo la YDF, e le lengwe la mananeo a puso e a tlhamileng go tlhabolola matshelo a bone le le supang kgatelopele le kgolo. Fa a ntsha la gagwe, sebui sa tlotla go tswa kwa lephateng la boagedi le bong Rre Lekgotla Phiri, o ne a supa fa bana ba sekole sa Metsibotlhoko ba gaisitse bana ba kgaolo ya Kweneng Bophirima yotlhe ka maduo a AB, ka jalo ba tlhoka go phophothiwa legetla. Ke ka moo ke neng ka ela mme tlhoko fa a loga mme ka tsaya botsipa jo, ga tlhalosa jalo Mme Seipone ka monyenyo. A re go botlhokwa go dira morero le go dirisanya sentle ga batho kana baratani, a tlatsa ka gore dingwe tsa dikgwetlho tse di teng e le dingwe tsa batho ba ba lobang dikgang ebile ba sa bege dikgang tsa kgokgontsho ba di fitlha. O file dikai tsa dikgang tsa borukutlhi tsa malatsi otlhe jaaka tsa kgokgontsho, go ikgatholosa bana ba bannye ke batsadi, bogolo jang ba banana. O boletse fa a na le maitlamo le maikaelelo a tshwana le go tla go aga matlo a segompieno a tshwaragane le ba komiti ya ditlhabololo ya kgotla ya gagwe. O tlhalositse fa bogodu jo bo dirwa ke gore teemane ke letlapa le lennye le le utswegang motlhofo e bile go le thata go lemoga fa le utswilwe. Kgosi o kgalemile mokgwa o a menne phatla a supa fa seo e le kgokgontsho e bile go rontsha bana tshwanelo ya bone ya go ithuta le gone go ka ipatela bokamoso jo bo rileng. Ba ikgapetse botshelo Mongwe wa bagwebi ba ba lelang ka letlhoko la mmaraka ke Mme Goitsemang Dibere wa Molepolole, yo o dirang kgwebo ya makgabisa a Setswanajaaka megopo le di nkgwana ka go dirisa pampiri le dipeo tsa ditlhare. O tladitse ka gore karata eo, e kgona go dirisiwa kwa mafatsheng a mangwe jaaka Afrika Borwa, Zimbabwe le Namibia. Basekisiwa bao, e bong Kepaletswe Majahi le Mpho Ramoswang ba Morwamosu ga mmogo le Onalenna Dihawa wa Kokong ba lebisitswe molato o le mongwe wa go utswa leruo ba sena go fitlhelwa ka dikgomo di le nne Seetebosigo e tlhola malatsi a le lesome le boraro monongwaga go bapa le Morwamosu. Motlhatlhelela dithuto kwa Unibesithing ya Botswana Professor Mphemelang Ketlhoilwe a re Batswana ba tshwanelwa ke go lebogela go bo babusi ba pele ba ne ba ba neela mpho ya kagiso. Ke gone ka moo a neng a lebogela badiri bao go nna le mogopolo o, a re se ba se dirang ke sesupo sa gore ba lemoga fa go lwantsha borukutlhi e le maikarabelo a botlhe e seng mapodisi fela. O ne a kopa gore le ene Tautona Khama a direlwe dimpho tse di kgotsofatsang e sere gongwe ba gaisewa ke dikgaolo tse dingwe. A re morago ga go wetsa leeto le komiti e ne ya busetsa phetolo ya thomo e ba neng ba e rumilwe kwa morafeng. Rre Kapinga o ne a gwetlha bangwe ka ene gore ba itse fa ba ba kgatlhanong le bone ba phathi e e busang ba le marapo e bile bangwe ba ya go intsha ditlhabelo. Le fa go ntse jalo, banni ba itumeletse tsela e e tla dirwang ka madi a kana ka P2 billion, e nang le ditsela tse dingwe tsa Moshupa, Ngwaketse borwa le botlhaba. Boipuso jwa ngwaga ono bo haphegile A re letshego la botho le ba gwetlha go diragatsa setho, lerato le bopelotlhomogi, ka jalo ba na le maitlamo a go tsenya letsogo mo go thuseng ba ba seng lesego mo botshelong lefatshe ka bophara. Tsela e, a re e ama thata ka fa ba a rekang dithoto kwa go bone ba di mo tsisetsang ka teng; a supa gore fa a rekile dithoto nako e le nngwe le bagwebi ba bangwe, ba ba direlang kwa go nang le ditsela tse di siameng teng, ene dithoto tsa gagwe di isiwa kwa bofelong, ka ba ba mo tsisetsang dithoto ba ngongorega gangwe le gape ka fa tsela ya motse wa bone e ba senyetsang koloi ka teng; mo e bile ba kgonang go palelwa ke go thusa bagwebi ba bangwe fa a iseditswe pele. Ba re le ntswa mananeo a tshwana le ISPAAD, Ipelegeng a lebanwe ke dikgwetlho dingwe tse di a paledisang go tsamaya ka thelelo mme a tsweletse ka go fetola matshelo a ba le bantsi. Rre Molefhi o solofeditse morafe fa seemo sa tlhaelo ya melemo se tlaa fela ka puso e ikgolagantse le ba dikompone tse di rekisang melemo gore go nne motlhofo gore melemo e kgone go goroga kwa setshabeng. Le fa go ntse jalo, Mme Gwai a re tiro ya go tlhabolola lebala ke tiro e tona, ka jalo o kopile morafe go ba tswa thuso. Modulasetilo o tlhalositse fa batho ba le batlhano ba ba neng ba etetse kwa China ba ne ba tlhatlhojwa ba bo ba gololwa ka ntlha ya gore ba ne ba sa angwa ke bolwetse joo. Puso e lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya ditsompelo mo makalaneng mangwe, lephata la thuto le le mo teng, ka jalo e tlhoka go thusiwa. Le fa go ntse jalo, kgosi o supile fa borukutlhi e le selo se se tshwenyang thata gongwe le gongwe e bile gose motlhofo go bo nyeletsa. A re o simolotse ka go rekisetsa mo semausung se se gogwang ka koloi, a rekisa dimonamone le maungo mme lerato la gagwe la kgwebo ke lone le le dirileng gore a gole mo kgwebong le fa go na le dikgoreletsi. O ne a lemotsha Batswana fa lefatshe le wetswe ke seru sa COVID–19 go ntse go na le selelo sa tlhaelo ya metsi, ka jalo go le botlhokwa go dirisa metsi ka kelotlhoko. Mebala eo e ne e bonala gape mo dikgotleng tsotlhe tsa metse yotlhe ya Tswapong. E re le fa go ntse jalo, Rre Phia a re o tshwenngwa ke gore bontsi jwa babereki ba Ipelegeng ke banana ba a eletsang ba ne ba ka ithusa ka mananeo a mangwe a nyeletso lehuma ba tlogelela bagolo Ipelegeng. O ne gape a bolela fa bangwe ba baeteledipele ba lenaneo la Ipelegeng ba gana go thapa banana mme go sa tshwanela gore go nne jalo. A re barutabana ba sekole sa gagwe ba leka ka bojotlhe go tsenya bana mo tseleng mme ba itaya se fololetse. Botsheleng a re batho ka bontsi ba batla dinkgwana tse gore ba tle ba kgabise matlo a bone gape di tsenya malwapa a bone seriti sa gore ke Batswana ba ba sa ntse ng ba tshwere ngwao. Rre Tekane a re banka eo ga e a itebaganya le go adimisa le go boloka madi fela, mme ba inaakantse le ditiro dingwe tsa bopelotlhomogi le go thusana le batho mo ditlhabololong. Kgosi Lekgothu a re lenaneo leo ga le a bulelwa banana ka bone go dumelwa ele batho ba ba santseng ba ikgona ebile ba santse ba le basha mo loratong ba ise ba tlhaloganye botshelo jwa lenyalo. O gateletse gore batsadi ba tshwanetse go tlhokomela bana ka go nna ba etela sekole go itse gore bana ba bone ba dira jang, go balelwa le go tsaya maduo a bana ba sa romeletse. Sekole sa Matshekge se gatetse pele Mapodise a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di fa gare go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse morago ga go tlhajwa ka sengwe se se bogale ke monna mongwe kwa masimong a Chenkwakwa kwa Senete. Moeteledipele wa kereke ya Eloyi, Bishop Sekai Jakoba, o lebogetse kagiso e e neng e rena ka ditlhopho tsa setshaba. Mogolwane wa The Clicking Innovation, Mme Tsaone Moloi, yoo thusitsweng ka madi ke lephata la dipalamo le ditlhaeletsanyo a re o ruta bana ba ba senang sebaka sa go ithuta khomputara ko malwapeng le ko dikolong. Mothusa tona yo abileng ale mopalamenete wa Kgalagadi Borwa a re go a hakgamatsa gore dikhansele ka bontsi di bo di supile kgatelopele le maitlamo mo go diragatseng lenaneo leo mme fa kgaolo ya Mokwena kgobe di etse metsi. A re phaephe yone e botlhokwa, mathata ke gore ga a a fetisiwa sentle, a supa fa e le borai mo matshelong a batho, bogolo jang bana ba sekole ba a reng ba feta foo letsatsi le letsatsi. Mothusa mmatoropo wa Lobatse, Rre Francis Mokwena a re botswerere bo kgorelediwa ke tiriso ya ditagi le go nowa ga bojalwa phetelela. E rile a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Gumare, Tubu le Nokaneng, Rre Kwerepe a re e re ka mehama e mengwe e tshwana le ya temo-thuo e santse e haraharilwe ke manokonoko a di tsa tlholego, ke gone ka moo ba tshwanetseng go inaakanya le e mengwe e tshwana le ya go dira makgotla a go dira madi. Tshwaragano konokono - Thiite Dipompo le diphaephe di a dutla A re o kgona gape go dirisa motswere go betla dikika. Mme Motswetla o kopile barati le barotloetsi ba botaki le Batswana ka kakaretso go rotloetsa dikwebo tsa botlhami, botaki le bodiragatsi ka go reka ditshwantsho tsa bataki ba mo gae.BOKHUTLO World Group of Companies e abetse baithuti ba sekole sa Borotsi kwa Bobonong paka ya sekole mongwe le mongwe wa bone. A re go tlhoka gore go buiwe le bone ka tshiamo ya Modimo ka gore Modimo o siame ka dinako tshotlhe, mo bathong ba one botlhe. A re le fa go ntse jalo, kgwetlho e a kopanang le yone ke ditlhwatlha tsa merogo ka di na le go ya kwa tlase le kwa godimo. A re diaparo tsa bone di ne di kgatlha bontsi mme le ba ba neng ba kile ba reka ba ne ba ipoa seboaboe e bile ba ba tlela ka bareki ba bangwe, selo se a boletseng fa se ne sa ba supa kgatlhego mo bareking. Modulasitilo wa komiti ya tlhabololo tsa motse wa Khwee Rre Meshack Tseleng o ne a supa fa mananeo a Ipelegeng a tsweletse sentle, sediba se siame, kago ya ntlo ya LA2 e weditswe. Rre Kgosietsile o tlhalositse fa ba kgonne go bona dithuso go agela batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng matlo le matlwana a boitiketso. Mothusa modulasetilo wa mokgatlho oo, Mme Susan Jorosi, a re botsogo jo bo lolameng ke konokono ya go tshela sentle ka nako tsotlhe. Mme Thebeyakgosi a re molao o mosha ga o letlelele setshaba go tlhopha motho yo o kileng a roba molao wa lefatshe go nna leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse. Mme Garethata a re go lema a kgaoganya temo go mo fa sebaka sa gore a itepatepanye le go fetoga ga loapi a supa fa a dira seo ka go bo mo segompienong nako ya go tshologa ga pula go le matswakabele. Mongwe wa bagwebi ba Kanye e bile e le moruti wa kereke ya Muslim, Moruti Sakiri Khan e ne o ne a re pula e kganelwa go na ke maleo a batho jaaka go tlhoka go utlwa ga bana le batho ba ba bolayang ba bangwe. A re ba tshwanetse go tiisa go lwela botsogo le ditshwanelo tsa bone go na le go ba kgokgontsha kana go ba kgetholola ka seemo sa bone sa mogare ka gore ba fitlhela ba le mo diemong tse tsa botshelo ka mabaka a mantsi a a farologanyeng. Tsholofelo ke gore e re ka Mosupologo go bo go se ope yoo ipatang ka go tlhoka kitso ka mo nakong eno re ne re tlhaloganya go ka bona metsamao fale le fale ya bao gongwe ba tswang mo mafelong a a mo tikologong go tla go reka tse di botlhokwa. Mongwe wa bagwebi ba merogo mme Kenaope Segopa a re, ntswa a tlhaloganya seemo se se lebanyeng lefatshe sa go lwantsha kanamo ya mogare wa corona, o tshwenngwa ke tshwetso ya potlako e a reng e setlhogo, bogolo jang mo bagwebing ba ba botlana ba ba senang le tsone ditsompelo tsa go babalela dithoto tsa bone tse di senyegang. E ne e rile a baya makhanselara pele mogopolo oo, Rre Mandevu yo gape a leng mothusa-modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba a tlhalosa fa seabe sa dikomiti tsa batsadi le barutabana se le mo mpaananeng, ka jalo go le botlhokwa gore le bone ba atswiwe gore ba tle ba tshware tiro ya bone ka mashetla. Tona Batshu o ne gape a gwetlha batho ba Tutume go tla ka mananeo a a tlaa thusang go lwantsha matlhotlhapelo a a tsisiwang ke nnotagi. A re se se monate ka kgwebo ya go roka ditlatlana ke gore ga e tlhoke metšhine epe go ka dirisiwa ka a dirisa thoko le thipa fela go roka. A re ene o setse a iphotlhere fela ka tsa gagwe di sule di le 250 ka ntlha ya leuba le bolwetsi jwa tlhako le molomo. Mme e ne ya re Hirikgong a le 31 kgotla kgolo ya ditsheko ya reetsa kgang morago ga foo ya laola gore Kgosi Phologo a busediwe mo setilong ka a ne a sa bonwa molato. Ke simolotse go loga ditlatlana le mekgabisa ke le dingwaga tse thataro. E ntse e le mo diphuthegong tseo, Mothusa modulasetilo wa komiti ya balemi-barui, Rre Timothy Samoxa o ne a kopa mopalamente go ya go ba boletsa kwa pusong gore ke eng ditlhwatlhwa tsa matlhabelo a BMC di farologana ntswa e reka mo lefatsheng le le lengwe. Mafoko a, a builwe ke mogokgo wa sekole se se segolwane sa Kgolagano kwa Middlepts mo kgaolong ya Kgalagadi, Rre Alphius Ramotsababa mo puisanong bosheng. Fa a mo tlatsa, mothusa molaodi wa khansele-potlana ya Maun, Mme Gaehetswe Maphakwane o tlhalositse fa ofisi ya molaodi e ipaakanyeditse seemo se se ka tlhagogang . Kgosi o bile a supa fa dikgosana le baeteledipele bangwe ba motse le bone ba dira maiteko a go kgalema fela maiteko a a busetswa morago ke bangwe batsadi. Ntswa Rre Ntwaagae a rata go betla, o ne a ngongorega ka go re tiro ya go betla ga e na madi a mantsi, a bolela fa motshe e le P50 mme kika e nnye e e kgonang go setlela digwapa e le P100. Fa a tswa la gagwe, Kgosana Dipuo o ne a lebogela dimpho tse tona a di roletseng morafe, a re go a itumedisa go bona a tlhakanetse le bone tiro. Ke fiwa dithupana tsa morogo ke ngwanake yo e leng morekisi wa tlhwatlhwa wa morogo kwa Maun. A ba kgothatsa go bereka ka tlhwaafalo, a bolela gore go tlhatlosiwa maemo go tlhoka gore ba dire ka tlhwaafalo. Mapodise a Mochudi a tshegeditse banna ba le bane go ba thusa ka ditlhotlhomiso mabapi le kgang ya go thukutha ka dikgoka le petelelo. A fa motho a na le ntlo, o a bo a sireleditswe mo go tsotlhetse di kotsi tse di ka mo tlhagelang. A re keletso ya bone e le beng ba dikgotla tse ke go itirela madi a a ka ba thusang mo dinakong di tshwana le tsa gompieno tse puso e senang madi a a lekaneng go dira ditlhabololo. Rre Senai o tlhalositse gore koporase e lemoga gore dikopo tsa batho ba ba emetseng go gokelelwa metsi mo malwapeng di saletse kwa morago, mme seo se gakadiwa ke tlhaelo ya madi. Tiragalo eo e diragetse ka Matlhatso fa bobedi joo bo ne bo ile maitisong a dino. Fa a itebaganya le dikgang tse a tla di isang kwa palamenteng, Rre Makgalemele o rile o tla isa mogopolo wa go diega ga go ntshiwa ga maduo a ditlhopo, mme a ya go kopa gore go balwa ga ditlhopo go dirwe mo nakong e khutshwane, a tlhalosa gore go ntshiwa ga maduo, bogolo jang a bopalamente e nne letsatsi morago ga ditlhopho go tila tsietsego e kwa pheletsong e ka tsalang dikgoberego. A re dingwe tsa ditlhabololo tse a kopileng gore di dirwe mme di sa kgonagala, e tlaa bo e le ka ntata ya tlhaelo ya madi. O tsweletse a re kopo ya ga tautona ya gore go lebanweng go bonwe fa letlhoko le mathata a leng teng e a diragadiwa. Banni ba Ramonaka mo kgaolong ya Kgatleng Botlhaba ba boleletse mopalamente wa bone fa ba sa bone poelo le mosola wa tlhopho ya bone. Mo ngwageng ono o kaile fa dikgaisano tseo di ne di tseneletswe ke dipitse fela dile lesome le bobedi ka palo tse di karetsang letsopa la Tswana Breed, Cross Breed le Through breed. Fa a tswa la gagwe Rre Moswela o supile fa a sa itse sentle gore ke batho ba le kae ba ba iseng ba bone dithuso mme ba tswa ithutuntshong, le gore go agilwe matlo a dikoko le masaka a le kae a a iseng a tsenngwe diruiwa mo teng ka gore ene o mosha mo kgaolong. Sup Inspector Rakhobo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa go kgweetsa mokgweetsi a nole bojalwa e le one molato oo di gogang kwa pele fa go tshwantshwangwa le e mengwe e akaretsa go kgweetsa mokgweetsi a sena setlanakana,letsapa le e mengwe. A re pele ga kago eo, ditirelo di tshwana le go kala bana di ne di direlwa kwa ntle, fa balwetse le baimana ba ne ba fapaanela phaposi e le nngwe. Banni ba lebogela mananeo Go fitlhetswe setopo Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe a re dikgosi di sa ntse di na le seabe se segolo mo pusong ya batho ka batho le mo go ageng setshaba. Dr Khudu-Peterson a re ba bone go tshwanela go simolodisa lekgotla le ka 2011 le monna wa gagwe Rre Jes Peterson, morago ga go lemoga fa banana ba metse e e kgakala le ditlamelo ba amilwe thata ke mathata a akaretsa go sa direng sentle mo dithutong tsa bone, lehuma, go tlhoka thotloetso go tswa mo botsading le letlhoko la ditiro le le kwa godimo. Fa a wetsa, o rotloeditse banana ba bangwe go ikemela ka dinao go na le go baya sengwe le sengwe mo maruding a puso. O tsweletse ka gore sese itumedisang ke gore fa e sale go ntshiwa mophato wa ntlha ngwaga tse pedi tsedi hetileng banana ba kgatlhegela ditiro tsa Setswana. O gatelela fa dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. Ends Rre Vraay o ne a tlatsa ka go galaletsa ba khansele ya kgalagadi ka ba ba gopela lebala go baakayatsa dikgaisano, lekalana la boree la Men Sector ka thotloetso e ba e dirileng ya go abela bafenyi ba dipitse mo mabelong aa farologanyeng aa neng a tabogwa mo dikgaisanong tseo a akaretsa 600m, 800m le 1 000. A re mo motseng wa gagwe, ba tshwenngwa segolo bogolo ke bogodu jwa leruo le tshwana le dikgomo, dipodi le ditonki. Go sale foo, Kgosi Kgamane a seka a ipona tsapa go iteela beng ba leruo go bo ba dikile ba tlhokometse leruo la bone ka botswerere go gaisa dingwaga tse di fetileng, go le itsa go senya kwa masimong. A re gape ba na le tlhaelo ya bodiredi jo bo ka tswang ka bonako ka nako ya dibetsa tsa tlholego kana ba ba ka fegogelang go thusa ka jalo o kopile maphata go nna le batho ba ba tlaa nnang ba le teng go ragogela diemo di tshwana le tse. Go tshela ka bogole ga se sekgoreletsi mo botshelong, ka motho a ka kgona go dirisa botsipa jwa gagwe go ka itshela metsi mo ganong. Dibui ka go farologana ba supile botlhokwa jwa tonki le tiriso ya di-tswa tonking tse di farologaneng tse di dirang seruiwa se botlhokwa le go feta le fa ntswa phologolo e, go tswa goo lowe e sa tsewe ka tlhoafalo ebile e sotlakwa ke bao ba e ruileng. Mokhanselara wa Tidimalo kwa Serowe ebile e le modulasetilo wa komiti ya boipelego, Rre Solomon Dikgang, o boletse fa go rongwa mo go ntse jalo go dira gore ngwana a lekeletse se a se rumiwang mme pheletsong a bo a nwa bojalwa. Potso e ne ya nna gore ke eng a tlhopile go dirisa pente go na le didirisiwa tse dingwe di tshwana le dipensele go tshwantsha. Kgosi Sechele Kgari wa Kgotla ya Mokwena o lebogetse mpho ya ga Rre Phuthego le go rotloetsa batsadi go tlhagafalela dipitso tsa sekole. Kgosi o tshwanelwa ke tlotlo Kgosi Gaofenngwe Bome wa Kanye o tlhatlositswe maemo gonna moemela kgosi. Mopalamente o tlhalositse fa batho ba ba neng ba kopile lenaneo la nyeletso lehuma ba tlaa thusiwa mo kgaolong ya gagwe, a supa mananeo a go lemela balemi le la Ipelegeng a tlaa tswelela. Rre Mosweunyana a re dikgang dingwe tsa banana di setse di na le lobaka lo loleele mme se se dira gore go nne thata go rarabololwa ka le bosupi bo a bo bo setse bo seyo. Tebang le seo, a re ba ya go sekaseka dipeo tsa go nna jalo, tse a reng di tlhokana le bosupi. A re, temo e tshwanetse ya tsewa ka tlhwaafalo fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe gore lefatshe leno le emise go reka dijo di tshwana le mmidi, dinawa le mabele kwa mafatsheng a sele. Gone go iteisanwa borathana, dikhwaere dile pedi; ele khwaere ya Mosu go tswa kwa Delta le ya Bosele go tswa kwa Boswelatlou.Khwaere ya Bosele e ne ya ikgapela maemo a ntlha le dikete tse pedi tsa dipula morago ga gore ba supe maitemogelo le bothakga mo dikhwaereng; khwaere ya Mosu ya iphitlhela mo maemong a bobedi mme ba ikgapela sekete sa dipula.E rile a ema mokhanselara wa Woodhall, Rre Mantle, a akgola komiti e ya boipuso a re ba kgaogantse madi sentle gore mongwe le mongwe a tseye karolo, a boa a kgothatsa dikhwaere go amogela maduo, a re ba ba tsereng maemo a bobedi ba ye go ipaakanya gore nako e e tlang ba dire bontle le go feta. Temo e ya merogo,e ne e le yone e tshetsang ba lelwapa la bone ka kakaretso. Rre Ntwaagae a re tiro e ya go betla o e ithutile mo go ntsalae ka a ne a nna le ene a santse a le monana. O tsweletse a re baithuti ba tlhoka thotloetso, go gakololwa le gone go engwa nokeng mo dithutong tsa bone. Monni o abela sekole O ne a gatelela gore ga ba rotloetse balemi go dirisa dichefi go bolaya diolo ka jaana chefi e le borai fela thata mo matshelong a batho. Bomme ba ba simolotse kgwebo e ya bone ngwaga ono ka kgwedi ya Tlhakole, ba direla mo lapeng mme e bile ba iteile leina ba re Boiteko. A re go ngomola pelo go bona banana e le bone ba amegang ka bontsi mo dikgannyeng tsa go latlhegelwa ke matshelo ka ntlha ya dipolaano ka jaana e le bone letswai la setshaba ebile e le bone babusi ba kamoso ba lefatshe leno. Mopalamente o kopile banni go ikwadisetsa ditlhopho mme a supa fa a itumedisiwa ke dipalo tse di setseng di ikwadiseditse ditlhopho. Rre Boko o ne a tshwaela gore phathi ya BMD e ntse ke leloko la UDC ka go ise go nne le tshwetso ya go e koba kgotsa go e seegela fa thoko. A re dikgotlana tsa Mmadinare di dumalane go kokoanya P20 000 kgotlana nngwe le nngwe mme mo nakong ya gompieno go setse go kgobokantswe P1 million. Rre Collen Nakedi le ene o ne a bua a sa kgwe mathe, a supa fa maikutlo a bone a gogomogile ka jaana go sena sepe se se tsamayang sentle mo motseng wa bone. O ne a bo a lebogela kemonokeng ya maphata a mangwe ka go farologana a a mo kgaolong, a supa fa le one a na le seabe mo go kgoneng ga bone. E rile Mme Tshireletso a tsibogela dilelo le dingongorego tsa bone mabapi le go tlhoka go dirwa ga tsela e e tshwaraganyang Dibete, Mookane, Mmaphashalala le Makwate ga mmogo le tsela e e tshwaraganyang Makwate le Shakwe, a solofetsa gore le fa mmuso o santse o lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya madi, kgang eo ke nngwe ya tse a tlaa di bayang palamente ya kgaoganyo madi a setshaba pele ka jaana ba tswa kgakala ba ngongorega ka tsone. Alone: Moranodi wa popota O ile gape a kopa ba lekalana la Gender Affairs go oketsa bodiredi gore ba thuse batho sentle. Banana ba rutwa ka tsamaiso ya kgwebo O tlhalositse gore ntlo ya ditso e botlhokwa mo banning ba kgaolo ya Kweneng ka gore e itlamile go nna le seabe mo go fetoleng matshelo a bone. Diphuthego di lelela kwa Modimong A re go a itumedisa go bo ba ne ba seka ba lelala puso gore ke yone e ba thuse go dira tiro eo, mme ba ne ba itlhotlhora dikgetsi go thusa banni ba motse wa gagwe. Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Shaw Kgathi, a re e re le ntswa go na le matshwenyego a a diragalelang banni ba metse e e bapileng le molelwane, bontsi jwa one a gakadiwa ke banni ka sebele. A re dipotso tse di bodiwang le go lebelela sebopego sa matlo a a agilweng di tsile go paledisa bana ba bone go annywa meamuso ya puso e tshwana le lenananeo la nyeletso lehuma. Banana ba bantsi mono, ka jalo re tlhamile ditlhopha di le pedi gore re kgone go fana motshameko sentle, a tlhalosa. Mongwe wa dibui, Rre Samson Guma, yo e leng mopalamente wa kgaolo ya Bokone Botlhaba o tlhalositse fa Kgosi Jackalas e ne e le mogakolodi wa bone. Tautona wa diphathi tsa sepolotiki tse di kopaneng, Umbrella for Democratic Change (UDC), Rre Duma Boko a re phathi eo e tlhokana le makgotlana otlhe kwa tlase ga moriti o le mongwe gore ba kgone go tsaya puso ka 2019. A re batho ba kgotlana ya gagwe ba sale ba ikuetse gore mapodisi ba emise thekiso eo, mme go padisa gore mapodisi ga ba na dithata ka jaana bojalwa joo bo rekiswa ka fa molaong. O kaile fa kgang e tshwanetse go simololwa kwa lwapeng, e bo e feta ka kgotla ya tetlanyo pele e ya kwa kgotleng ya motse, a tlatsa ka gor e kgang e tshwanetse go tla kwa go bone e na le motlhala. Mokgatlho o thusa bomme Mme Radibe o tlhalositse fa ba tlhabolola ntlo lehalahala ya Sikwane. Lenaneo la nyeletso lehuma a re ga le tsamaye sentle ka mo ditshingwaneng tse 37 go ne ga dira le supa fela mme sebe sa phiri e le ditlhwathwa tsa metsi tse di kwa godimo. Fa a bua ka melao e mengwe, Rre Molebatsi o ne a supa fa molao wa bogodu jwa leruo le one o atolositswe. Rre Tatose o ne a supa fa mo nakong eno, maloko a dikomiti di le mmalwa tsa boithaopo ba latlhelelwa sepenyana go thusa go ba tiisa moko mo tirong ya bone. Rre Mogolo a re go botlhokwa gore balemi ba tlhatlhobe mmu wa masimo a bone ka seo se ka ba neela sebaka sa go itse gore mmu wa tshimo o tlhoka monontshane wa mofuta ofe gore o kgone go ntsha dijalo tse di nonofileng. Le fa go ntse jalo, o supile fa ba na le matshwenyego a tiego ya go amogela dijo tsa bana mo dikoleng tse di tlang ka go rotha. A re morago ga go itseela mofago wa molaetsa, morafe o tlaa tsamaela kwa makgotlaneng a bone go ya go tshwara logaba. A re mafoko a kgosi a agelwa mosako. A re diane di tshwana le bo lore le ojwa le sale metsi, maitseo namane ya moroba, tlhong botho, ke fela go supa gore motho o na le boikarabelo jwa go ikaga go nna motho mo setshabeng. Mo kakgelong ya gagwe, Kgosi Ponatshego o supile fa a rata Kgosi Saki thata ka e bile a mo godisitse. O ile a gwetlha maloko a Domkrag go lebala ka diphathi tsa kganetso a re sa tsone ke go kgala fela, a tlatsa ka gore phathi ya BDP e na le motlhala o mang le mang a o bonang. Thoromo e ya lefatshe e utlwetse mo mafelong a le mmalwa mo Botswana a akaretsa Gaborone le mafelo a a mabapi, Lobatse le mafelo a a mabapi gammogo le Jwaneng. A re tiragalo eo e diragetse mo nakong ya bo lesome mo mosong, a bega fa dilalome tseo tse di neng di ipapanne ka dibetsa tse di bogale, e ne ya re go le pele tsa tlhasela lelwapa lengwe mme ba thukhutha mme yo a neng a le nosi wa mmereki madi a a kanang ka di dikete tse tlhano tsa dipula. Tona o tlhalositse gape gore kereke e tshwanetse ya rotloetsa go nna tlhaga mo tirong le go nna bopelotelele. O boletse fa moalo wa kago ya leobo o sale o dirilwe ke ba moepo wa BCL mme go solofetswe gore leobo le le agwe ka P3 million. O ne a leboga phuthego ya kereke eo ka boithaopo le lorato jo ba neng ba bo supile ka go koleka didirisiwa mo kagong eo gareng ga tse dingwe e leng dikgetsana tsa semente, ditena, le matlapa. A re ga e gopiwe mme e bile ga e dirwe sepe gotlhelele. Kwa Maape, Rre Selala Boitshwarelo yo e leng monana ebile e le mongwe wa baithaopi ba ba thusang go lwantsha borukutlhi o boleletse mopalamente gore borukhutlhi ga bo fokotsege ka lebaka la gore batsadi bangwe ba bipa mpa ka mabele fa bana ba bone ba sentse e re morago ba felele ba nna le letlhoo mo go bone. A re o ne a tshwanelwa ke goya kopa go latsa tlhogo kwa tsaleng ya gagwe ka go ne go le borai go lala mo ntlong eo. A re go botlhokwa gore borre ba ithute go amogela gore lorato ke selo se se kgonang go fela. Makhanselara a phathi e e busang a batla setilo Mafoko a, a boletswe ke kgosi ya motse wa Takatokwane kwa letsatsing la botsogo le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa gagwe ka Labotlhano. A re mo dingwageng tse di fetileng sekole se segolwane sa Ghanzi se ntse se dira sentle.A re sekole se, se amogela baithuti b a ba sa dirang sentle mme ba ntsha maduo a a botoka go nale a moithuti a tseneng ka one go tswa kwa sekolong sa magare. A re go botlhokwa go dirisa lefatshe fa o na le lone go na le go le rekisa ka bangwe ba dirisa madi botlhaswa mme ba palelwe ke go itshetsa. Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, Rre Prince Maele jaaka a ne a bula semmuso ntlo yoora Makgolwane kwa Lerala ka Labotlhano (12/09/2014). Morafe o rotloediwa go kwadisa ditsha Mokhanselara wa Tsabong Botlhaba Rre Nelson Motsewapuo fa a amogela dimpho tseo one a galaletsa thata baithuti ba pele ba sekole sa Matsha a kaya fa ba dirile tiro e ntle ya go abela balwetse mo sepateleng sa Tsabong. A re go a tshwenya gore e re le ntswa bogodu bo golela pele go bo go santse go lwantshiwa borukutlhi ka baithaopi ba sepodise, jalo a re nako e tsile ya gore go sekasekwe gore a methale ya pele ya go lwantsha borukutlhi e tshwana ya dikomiti tsa twantsho borukuthi gammogo le mephato di ka se busediwe go gagamatsa le go nonotsha go lwantsha borukuthi mo motseng. BOPA A re ba lemogile fa go amogelela ditirelo fa go siameng, ga mmogo le go ja dijo tse di rileng go na le seabe se setona mo go nneng le botsogo jo bo eletsegang. Rre Magagane o tlhalositse fa ba ne ba dirisa P12000 kgwedi le kgwedi go duela batshameki ba le bane gammogo le mokatisi. Mme Sesoma a re o kgonne fela ka go boloka madi mme gape a feletsa a itheketse dipodi. Le fa matsubutsubu a diphefo a nnile teng, ke leboga gore le lemogile gore ga gona kgotlhang e rarabololwang ka go thuba phathi. Ba Maboane ba ipelela ngwao Bomme ba itshetsa ka Motswedi Laundry Le fa go ntse jalo, a re ga se bone fela ka gore badirelapuso ka bontsi ba tshwere ka natla go araba mokgosi o o kuilweng ke Tautona wa gore go lekwe go thusa setshaba fa go tlhokafalang teng. A re thulaganyo ya manyalo a bone gape ga e itse gore ba ka sala morago ditsamaiso tsa ngwao di tshwana le go ntsha magadi. Modulasetilo wa khansele ya Bobirwa, Rre Nathaniel Moribame a re khansele e dirile go le gontsi mo ngwageng wa 2016 ntswa go ne go na le dikgwetlho. Go lebega dipalo tsa banana ba ba lelang ka letlhoko la ditiro di tla a fokotsega ka ba tsweletse ka go inaakanya le mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone le gone go ipulela dikgwebo gore ba kgone go tlhama mebereko. A re ere ka lefatshe leno le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ntse le ipusa, ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go balelwa le banana go nna le seabe mo ditirong tsa go baakanyetsa meletlo ya boipuso jwa monongwaga ka e le lone letsatsi le lefatshe leno le boneng kgololesego ka lone. Makuku a naka tsa kgomo banana ba santse ba natefelelwa ke dikobo ka fa gongwe e a bo e le gone ba gorogang go tswa maitisong, fa ba bangwe ba robetse, Lekolori e ne o a bo a thinkgetse a duba borotho, a swaa seswaa le serobe a sa bolo go se kgoba. A re bone e le ba BCP ba ya go leka go tsholetsa madi a phimola keledi, fa leruo le le tlodileng molelwane le bolawa, gona le P400.00 o fiwang batho mo nakong eno. Godisetsang bana mo Modimong - kgosi Rre Kagisanyo o tlhalositse gore ba simolodisitse lenaneo le mo mophatong wa borataro, mme mo nakong eno baithuti bao ba dira sentle fela thata e bile ke bone ba gaisang sekole sotlhe. O rotloeditse setshaba go tsena mo temong ka e na le mmaraka o montsi mo lefatsheng leno. A re motse wa Serowe o tletse ka diruiwa di tswhana dikgomo le dipodi tse a reng di baka dikotsi ka di gobea gongwe le gongwe, ka jalo o kopile batsadi go fodusa loruo la bone go le isa kwa mafelo a a tshwaneng. A re go botlhokwa gore ba ba nnang ba le nosi ba hire dikompone tsa itshireletso(security company) gore di sale di ba tlhokomeletse ka nako ya fa ba seyo. A re batsadi ba setse ba tsholeditse diatla ka ba setse ba palelwa ke bana. O kopile batsadi go tlhokomela dibuka tsa bana, go lomagana le barutabana ba bana ba bone le gone go duela madi a ditlhabololo magareng ga tse dingwe. Mme Gabathusi o gakolotse setshaba go itshwara sentle le go ikgolaganya le ba ba lebaganyeng fa ba na le mathata. Dithapelo tseo tse di neng di gogwa ke Moruti William Motshabi le bangwe ka ene, di tshwarwe jaana morago ga gore motse wa Tati Siding le lefatshe leno di amogele dipula tse di namagadi bosheng. E ne e rile go le pele fa a amogela baeng, Kgosi Molebatsi Moroka wa Lerala, a kopa banni go leba kwa morago mme ba eme puso nokeng ka tse e di dirileng go simolola lefatshe leno le ipusa. O kaile fa lefelo la teng le obamelwa, go tlotlwa le gore ga le a tshwanelwa go tsosediwa modumo. A re bomme ba tshwanetse gape go amusa bana fela jaaka ba botsogo ba laetse ka jaana go na le mabaka a go dira jalo. A re fa motho a na le bokgoni go dira mo lenaneong la Ipelegeng go a letlelesega gore a thapiwe. A re le fa go na le bangwe ba ba tsweletseng ka go supa fa e sa dire go lekanye go tlhabolola lefatshe, go botlhokwa go supa tse e di dirileng. Mosetsanyana, yo o dingwaga tse di boferangbongwe le mosimanyana yo dingwaga tse thataro, ba tserwe ke metsi ba leka go kgabaganya molapo ba tswa sekolong ka Mosupologo. Modiri wa lephata la temo le leruo kwa Bobonong a re lenaneo la ISPAAD le tsweletse sentle. Kgosi ya Radisele, Rre Kakanyo Botoka, a re o tshwenngwa fela thata ke borukutlhi mo motseng wa gagwe mme e bile o itlamile go bo lwantsha ka gotlhe mo go ka kgonagalang jaaka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha a atamela. Mme Lekwe a re ba lemogile fa batho ba sa itse sepe ka mefuta ya kgokgontsho. Mme Mokiya o ne a tlhalosa fa thuso ya potlako e ka dirisiwa kwa tirong, mo lwapeng le mo koloing fa kotsi e diregile. FNBB , Culture Spears ba abela sekolo Superintendent Magalila o ile a kopa bakgweetsi go tlogela mokgwa wa go pega batho ba ba s a ba itseng bogolo jang bosigo ka go dira jalo ba tsenya matshelo a bone mo diphatseng. E rile a latedisa ka loeto la botshelo jwa gagwe, Rre Puku a tlhalosa fa morago ga go direla kompone ya Curry Pot kwa Gaborone ka lobaka a bona go tshwanela go tla go thusa ba gaabo. Mme Gaotloge o ne a supa fa ba ikaeletse go tswelela ba dira tiro eo mme ba sa itebaganya le ba ba tsenang kereke ya bone fela a tlatsa ka gore maikaelelo a bone ke go thusa mongwe le mongwe. Mme Motshidisi a re ba tswa kgakala ba thusa ba ba tlhokileng lesego ka go ba abela ngwaga le ngwaga mo go se ba se kgobokantseng ka mengwato. O ne a leboga kereke ya Spirit Embassy go ba tswa thuso, segolo jang ka paka ya mariga e simologa. Rre Mogolwane a re o setse a iphotlhere morago gore tumalano magareng ga gagwe le moepo e seka ya diragadiwa. Mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa mapodisi a central kwa toropong ya Francistown, Superintendant Lebalang Maniki a re ba tlhotlhomisa kgang e mo go yone mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bone a sa leng a rekile koloi kwa United Kingdom mme le mo nakong eno a santse a lebile tsela. Toro e e ne ya tswa nnete ka e ne ya re ka 2015 ba bo ba simolodisa madirelo a bone a a bidiwang Power Fashions. Rre Keareng o ne a supa gape gore baikopedi bangwe ga ba diragatse ditirelo di tshwana le kgokelo ya metsi le motlakase ka jaana ditirelo tseo di tlama moikopedi gore a bo di le teng pele ga tiro e ka simolodisiwa. Rre Kawina a re Bakwena ba tshwanetse go intsha setlhabelo ka go abela ntlo ya ditso didirisiwa tsa botlhokwa tsa ngwao ka gore ntlo eo ga e mo maruding a lephata la ditso le ngwao fela mme ke ya Bakwena ka bophara. Fa a bua kwa phuthegong ya phatlalatsa, Rre Boko o ne a re bone e le ba kganetso ba tsaya ditlhabano tsa ntlwa tse di boitshepo. Mokhanselara wa kgaolwana ya Boseja Bokone Rre Nico Folae a re ba kabo ditsha ba ne ba ka bo ba batlisitse pele gore bomaipaafela ba bakiwa ke eng go na le go ba thubela. Go tswa ka 2010, khansele-potlana ya Palapye e ne ya amogela dikopo di le 517 go fitlha gampieno go tswa mo dikgaolong tsa bopalamente di le tlhano, mo go tsone 247 e le ba kgaolo ya Palapye fela ba mo nakong eno go thusitsweng ba le some. Rre Ngoma o ne a kgothatsa baithuti go tsaya dithuto ka tlhoafalo, go ikgapha mo go tse di maswe jaaka go goga motekwane ga mmogo le go nwa majwala. Ka jalo a re go a swabiswa go bo Tautona wa lefatshe leno Lt Gen. Leloko la lekgotla la Botswana Land Board Local Authorities and Health Workers Union (BLLHAHWU), Rre Edwin Magori a re makgotla a babereki ga ba rotloetse tshenyetso setshaba. Bokopano jo, bo ne bo rulagantswe ke ba moepo wa Karowe ba tshwaragane le komiti ya ipabalelo tseleng ya Boteti. Modulasetilo o ne a bolela fa kgaolo e ne ya nelwa ke dipula morago ga nako go na le jaaka go tlwaelesegile, mme seo sa baka gore balemi ba simolole go lema morago ga nako le ka yone kgwedi ya Mopitlo tota. Baabelwa ba ne ba fiwa dimpho tsa dikobo le dijo. O kaile fa ba ne ba dumalane gore leloko lengwe le lengwe le ntshe mo pateng go reka melora le diaparo go abela ba ba tlhokileng lesego mo botsehlong, go ja dijo tsa motshegare le bone e le tsela nngwe ya go ba supegetsa lorato. Kwa Dibete gone ba itumeletse ditlhabololo tse di tlaa dirwang ka lenaneo la ESP jaaka go atolosiwa ga kokelwana, go dirwa ga tsela e e tshwaraganyang metse ya Dibete, Mookane, Mmaphashalala le Machaneng e ba tlhalositseng fa e tlaa imolola tsela ya Gaborone/Francistown morwalo. Molalediwa wa tlotla wa kereke ya Lutheran Church ko Lokgwabe e e itsegeng ka Lutere, Rre Paul Cooper fa ema kokoano ka lefoko o ne a re ga ba tshwanela go ntsha dikabelo ka mokgwa wa go gaisa mongwe kana go galelediwa. Borukutlhi jo bo golelang pele kwa Tati Siding bo tshwentse Kgosi Simon Nkgageng. Mookamedi wa lephata la dijalo, Rre Galeitsiwe Ramokapane o kopile balemi ba kgaolo ya Serowe borwa go inaakanya le methale ya temo ee tlhabolotsweng. A re ditiro tse di akaretsa tiriso botlhaswa ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase mo tlhakanelo dikobo, go inyadisa, go ima kgapapetsakgapetsa ga banana, go tlhoka tlhompho mo bagolong le tse dingwe ka go farologana di tsaya phekelo e sele. Mme Matshara a re ba lemogile fa baithuti ba sa tlhwaafalela dithuto tsa bone ka go setse go itshupile ka makwalo a ba a tshwereng mo bangweng baithuti ba basetsana le basimane ba kwalelana makwalo a marato. Rre Rapoo o kopile banale-seabe go rotloetsa ba ba sa ikwadisang go ya go ikwadisa mo ikwadisong ya tlaleletso e e tla tshwarwang kgwedi ya Motsheganong e rogwa, e a tlhalositseng fa e tla tsaya malatsi a le lesome le borobabobedi fela. O tsweletse ka go re e re ka jaana a santse a le mosha mo thuong ya dinotshi, o dira tsina fela mme keletso ya gagwe ke gore fa a gola mo kgwebong a dire ditlolo tsa melomo le go bona kgwebo ya gagwe e godile e bile a ruela mo tshimong. Kgosikgolo ya Bangwaketse, Kgosi Malope II, o boloditse letsema. Gape o kaile fa a na le Mme Agang Dithogo mo kgwebong ee mme a re ba na le kgwebo ya mofuta o ko Gaborone, e e tsamaisiwang ke ene mme yoo. O tlhalositse gore ka a lemogile fa bagodi ba etela kwa posong, kwa e leng gone ba thusetswang thata teng, ba ile ba buisana le bagolwane ba poso gore ba kope bagodi go ema gore batle ba supe mowa wa lerato le gone go ba ruta ka botlhokwa jwa letsatsi le. Col Motlalekgosi o kopile setshaba go ikaga go fokotsa dipalo tsa magolegwa kwa dikgolegelong. Are go tlaa bo go se maleba ka jaana babereki bao ba bereka ka go fapapaana kgwedi le kgwedi ka jalo madi a lenanaeo leo a ka felela mo diaparong. Mogolaganyi wa kgaolo wa dibetso tsa tlholego, Rre Stanley Ndhlovu a re barulaganyi ba setse ba rutuntshitse batho ba ba laolang manokonoko a dibetso tsa tlholego kwa Zambia, Namibia, Malawi le Swaziland. Rre Sebigi a re bokamoso jwa chaba bo ikaegile ka mme, le jwa lephata lengwe le lengwe bo beile mo go mme. O ne a tlhalosetsa baithuti ba ba thusiwang ke puso, go tlhaloganya fa puso e dira ka natla go leka go tlhabolola matshelo a bone gore ba nne le bokamoso jo bontle, mme a ba kgothatsa gore le bone ba tseye maikarabelo ka matshelo a bone. Mme Montlafatsi Gaoakanye wa kgotla ya Mabudi kwa motseng wa Takatokwane a re a re ene o inaakantse le lenaneo le ka ngwaga wa 2009,mme a thusiwa ka madi a a ka tshwarang P98 000 go ipulela kgwebo ya go roka e a supang fa e kgonne go tlhamela banana bangwe diphatlha tsa mmereko. Banni ba metse eo, ba ne ba lekodisa tona ka matshwenyego mangwe a ba nang le one mo metseng ya bone jaaka tlhaelo ya metsi, kanamiso ya motlakase, seemo sa ditsela le tse dingwFa a araba mabapi le matshwenyego a banni, modiri go tswa mo lekalaneng la metsi la WUC, Mme Lesego Ikaneng o ne a tlhalosa fa ba leka bojotlhe go netefatsa gore batho ba bona metsi ka dinako tsotlhe le go tsibogela go dutla gope mo go teng Baruti ba monela marulana pele Go ya ka Kgosi Ewetsemang Retlhatloleng wa Letlhakane, go matshwanedi gore batho ba ka simolola ba ratana ka se e le tsela ya go itsane a re mme go ya ka ene go ratana ga go a tshwanela go tsaya lebaka le le leele mo bana ba felelang ba tsholwa kwa ntle ga lenyalo. A re kgokgontsho e ama dikgang di tshwana le go kganela ngwana go tsena sekole, go mo tima dijo le go roma ngwana dino kgotsa ditagi. O ne a tlhalosa fa kgwebo e tlhoka boitshoko ka a ne a kgona go nna dikgwedi di feta pedi go sena bareki, mme a seke a itlhoboge. Ba re ba dumela gore ga ba na go letlelela dikgwetlho dipe go ba ema tseleng ka maikaelelo a bone ke go bona matshelo a bone a tokafetse. O bolela gore mo lephateng leo, ba sidila bana maikutlo, go ba nonotsha gore ba ikamogele, ba emelelane le dikgwetlho tsa botshelo. Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Salepito o supile fa magodu ka bontsi e le banana ba basimane ba ba tlogetseng dikole. Puso e tlaa oketsa dithuso tsa leuba Ba le bane ba tlhokafetse Kgosi wa Tsokatshaa o a kgalema A re ba tshwanetse go lemoga gore dithapelo tsa bone tse bane badi tshwara tsa go kopa pula di arabilwe ka jalo go botlhokwa gore ere ngwaga oo tlang ba tlise thobo ee fetang ya gompieno gore kopo ya bone etle e reediwe. Batho ba ba tshelang ka mogare wa HIV ba rotloeditswe go tsaya kalafi ka fa go tshwanetseng ka teng. A re seemo seo se ne se batla kalafi, ka jalo ka 2012 ga tlhongwa setlhopha se bidiwa Re a Nyalana go tsaya boikarabelo jwa go rarabolola mangwe a matshwenyego a a bonweng ke lekoko le le neng le romilwe ke Tautona. Monana wa Takatokwane o inaakantse le lenaneo O kaile fa a kgonne go aga lefelo la kgwebo e le ofisi ya dikamore tse pedi a bo a e gokela motlakase le go tsenya metsi mo setsheng sa kgwebo ga mmogo le go oketsa le metshine e a rokang ka yone a supa fa ele phitlhelelo e a saleng a e lora. Mme Mooketsi o tlhalositse gore maiteko a bone a go thusa bana ka dibeke tsa motlakase wa marang a letsatsi ba batla gore a tlhapisiwe ka maduo a sekole a a tokafetseng. Ka jalo Mme Lesole a re dikago tseo, bogolo jang tsa borobalo jwa baithuti, di arabile selelo se se tswang bogologolo sa banni ba Maunatlala, Mokokwana, Mosweu le Seolwane, se ba neng ba lopa puso go di aga. Fa o tsena mo Mmashoro ga gona monni yo o sa mo itseng ka tse a di betlang di tshwana le dikika, metshe, dintshwana, diphetlho le mehinyana. Ba re ba tswa kgakala ba ikuela ka seo mme le jaanong jaana ga go nko e e tswang lemina. Modiri wa lekalana la CEDA go tswa kwa Gaborone Rre Moemedi Gaoforwe o rotloeditse bagwebi ba ba botlana ba kgaolo-potlana ya Mahalapye go tia moko mo dikgwebong tsa bone. Fa a leboga, Mme Lemonate Kolanyane o ne a lebogela batsadi bopelotelele jwa bone mo thuto-puisanyong eo, gammogo le ene yo o tsileng ka lenaneo leo, a re ke morutabana wa tlhwatlhwa. Palapye o simolodisa kokelwana ya itlhatlhobelo kankere A re ba tla thusana go nonotsha borre ba bangwe, go ba tshegetsa le go ba bontsha tsela e e siameng. Erile a ntsha la gagwe Mothusa kgosi ya Moshupa Kgosi Kwelagobe Mookodi a kopa batsadi gore ba ise bana ba bone kwa kgosing gore ba alafiwe ka thuba fa ba dule mo tseleng. O ne a kopa sechaba le bagwebi go ba thologa mokgosi gore ka ngwaga wa 2016 re bo re nale tshaba e e rutegileng ebile e na le kitso ka jaana bana e le bone bokamoso jwa lefatshe leno. E re ka metlhala ya khumo e le mentsi e tlhoka balati, monana mongwe wa Shoshong o ipuletse kgwebo ya maranyane a dibala makgolo go ntsha batho ba motse wa gagwe kwa morago mo mererong ya tsa boranyane. Tona wa lephata la pereko le selegae, Rre Edwin Batshu, a re go obamela molao e tshwanetse ya nna boikarebelo jwa Motswana mongwe le mongwe. Balemi ba Thamaga ba kgothaditswe go ipaakanyetsa letsema gore thobo e tle e nne ntsi. O kopile gore bagolwane ba Ipelegeng ba iphe nako go lekola le go sekaseka lenaneo leo gore le dira jang. Moeteledipele wa kereke ya Christian Holy Spirit Church in Zion mo Kgalagadi, Arch Bishop Phuthego Mereyabone a re kereke e tshwanetse go nna sekao mo go supeng mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato mo setshabeng ka go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka nako tsotlhe. Fa a itebaganya le badirelapuso mo motseng oo, o ne a re ba tshwaraganetse tiro le morafe wa Molalatau go sena selabe sepe. Mme o supile gore fa motho a na le maitlamo le maikaelelo a go nna mogwebi wa tlhwatlhwa, o tshwanetse go ikemisetsa dikgwetlho dipe fela tse di ka tlhagogang go sa kgathelesege gore di bokete bo kae. A re se se ka tswa se bakwa ke gore di na le mmaraka. A re palo ya ditsha tse di neng di setse di le teng ke makgolo a mararo le masome a mararo le bosupa di akaretsa tsa motse, masimo, kgwebo, sediba, letamo, lefelo la bojanala le tsa ditlhabololo tsa motse. Barutabana le batsadi ba Metsibotlhoko ba ne ba tshwere moletlo wa go akgola bana ba sekole sa Metsibotlhoko ba ba dikileng ba dirile sentle mo lekwalong la bosupa. O tsweletse ka go supa fa ba leka ka bojotlhe go bereka le dikomiti tsa motse jaaka ya ditlhabololo tsa motse ga mmogo le yone ya badirelapuso go bona gore ba ka rarabolola bothata ja maduo a a kwa tlase jang. Ba ne gape ba lela ka dinako tsa pereko tse ba supileng di le ditelele ntswa dikatso di le kwa tlase mme e bile le diaparo tsa itshireletso ba sa di neelwe ntswa ba direla mo mafelong a a tlhokanang le kapari e e faphegileng. Mme Cecilia Matlapeng a re ga ba jesiwe diwelang ke letlhoko la metsi ka jaana a le botlhokwa fela thata bogolo jang ko kokelwaneng. Tshekatsheko ya nyeletso lehuma ga e lebe matlo Superintendent Maphephu oboletse fa mokgweetsi wa koloi a sa bona dikgobalo dipe tse di masisi ebile ane a siya morago ga tiragalo e mme ya re letsatsi le le latelang ba duleletsholo ba kgona go mmona kwa a neng a iphitlhile teng. Ka jalo, se se ka fokotsa dipalo tse di golang tsa batho ba ba angwang ke kankere. Ke tsaya maele le dikgakololo tsa bone ka tlhoafalo. A re go na le tsamaiso e e lolameng gore modiri ope fela wa lephata lepe a ka ya go dira ditirelo kwa malwapeng. Mme Keoitsi o boletse fa ba kgobiwa ke batho ba motse gore ke bone ba kanokang batlhoki le ba ba tshwanetseng lenaneo la nyeletso lehuma, mme a bolela fa tiro eo e dirwa ke bommaboipelego eseng bone. A re ba ipeetse seelo sa go tlhomamisa fa dikopo tsa batho ba le 57 ba ba ikopetseng mananeo a a farologanyeng di di tlaa bo di sekasekilwe le go arabiwa pele kgwedi ya mopitlo e khutla. Fa a bua mo potsolotsong le O boletse fa nngwe ya dikgwetlho tse batsadi ba lebaganeng le yone e le tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi ke banana. Palapye o tswa diphaleng Mme Dingalo Sepae le ba lapa la gagwe ba ka nna lesome, le baagisanyi ka ene ke bangwe ba ba iseng ba sekasekwe. Moruti Pema a re baruti ba tlhoka badirelapuso mme badirelapuso le bone ba tlhoka baruti. O bile gape a gatelela gore botlhoki bo supiwa ke dilo tse dintsi di tshwana dikago le tse dingwe. A re gantsi o thusiwa ke ngwana wa gagwe go loga ditlatlana mme e bile a ikaelela go ruta bana ba gagwe botlhe go loga gore e nne boswa jo ba ka salang ba itshetsa ka jone fa a setse a hulere. Kgosi o kopa banni go tsenya letsogo A re matlo ao, a aname le metse e e agang Palapye le ene Palapye o bonye sengwe mo kagong ya matlo ao. Mme Chikunyana o tlhalositse fa se ele kemo nokeng mo maitekong a puso a go lwantsha HIV/AIDS. A re selekanyo sa dijo tse lefatshe leno le di rekang go tswa kwa lefatsheng la South Africa ke masome a robabobedi mo lekgolong ka jalo ke nako ya gore lefatshe leno le itirele dijo Rre Maele, yo ebileng gape e le mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, a re seemo sa loapi se fetogile mo malatsing ano mme ga se sa tlhole se tshwana le pele ka jalo bontsi jwa balemi ba ekabong e le bone ba tsosolosang serodumo sa temo ba felela ba tsaya temo gore ke kwa ba intshang bodutu teng fela. O tlhalositse gore ka thuto-puisanyo e, sepodisi se tlaa amogana dithuto le setshaba mo dikgannyeng di tshwana le go somarela bosupi fa go nnile le borukutlhi kana e le ba ba utlwisitsweng botlhoko ka tsela nngwe. O rile ba ne ba tloga ba ikopanya le bo-mmaboipelego ba kopa dithuso mogo bone, ka ebile molao osa letle gore bane ba ka apeela mo lwapeng. Banni ba Serowe ba Ipeletse thobo ee nametsang eba e boneng monongwaga. Ba tsweletse ba tlhalosa fa thuo ya mofuta o, ele motlhofo ka e sa tlhokane le tiro e ntsi le fa ele babereki ba bantsi. Rre Kwabala o tsweletse ka gore batsadi ga ba rute bana ba bone go tlhapa matsogo pele ba tshwara dijo. O ne a rolela banni ba motse oo Kgosi Saki Gabanamotse yo o ntseng a tshwareletswe ke rangwanaagwe Kgosi Ponatshego Gabanamotse. Mothusa mokwaledi mo khanseleng ya Lobatse, Rre Mike Taukobong, o ne a gakolola morafe go duela madi a ditlamelo ka gore fa ba nna maoto a tshupa go di duela go baya khansele ka fa mosing go ka tsamaisa ditirelo tsa yone ka tshosologo. Go tlhalositse jalo banana bangwe ba motse wa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba ba akotseng lenaneo le mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng. Rre Marumola o kgothaditse baithaopi ba Good Hope go tia le go nonofa a re ba tsepame mo maikaelelong a bone a boithaopo. E rile a tswa la gagwe, mogolwane wa tsa thuto mo sekoleng seo, Mme Ntlhoki Mokhunthedi o tlhalositse fa letsatsi le tshwana le leo, le thusa go rotloetsa bana ka tiriso le botlhokwa jwa motlobo wa dibuka. Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Medie, Rre Mothusi Akanyang, o supile fa ba sa tlhole ba na le lefatshe la masimo. O kaile fa go le botlhokwa gore bana ba rutwe ba sa ntse ba le bannye mo dikgannyeng di tshwana le tseo ka seo se ka thusa mo go goleng ba tlhaloganya ebile ba na le kitso. Rre John Thiite o buile jaana mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Qabo, Kuke le Dakar bosheng. Rre Autlwetse o supile gore e ne ya re morago ga foo, Rre Phologo a ya go batla kemedi ya semolao mme kgang ya sekwa gape makgamu oo mabedi a emetswe ka tekatekanyo. Rre Ramosesane a re seemo sa ditsela se bifetse pele morago ga dipula tse di mashetla tsa ga Dineo. Mogwebi yo, yo o thusitsweng ke ba Lephata la banana, o ne a re ntswa madi a ba a fiwang a se mantsi mme a ka kgontsha monana go simolodisa kgwebo, a re ke ka seo motho a tshwanetseng go tlhwaafala go netefatsa gore lemmenyana le a le bonang o le dirisa go atolosa kgwebo ya gagwe. Mongwe yo o thusitsweng ka lenaneo leo, Rre Morapedi Jotia a re ka lenaneo le, o lemoga fa puso e na le maikaelelo a gore Batswana ba nne le bonno jo bo fang seriti. Kgosi Saki ene o ne a leboga thata borangwanaagwe segolo jang Kgosi Ponatshego ka go mo tshwarelela setilo mme a re ba segile tema e a tlaa e tsweledisang. Rre Ramaribana o kaile fa mafoko mangwe a sa tlhole a le teng a nyeleditswe ke a masha a a kopantsweng le diteme tse dingwe jaaka sekgoa. Phelelo A re yo o boneng dikgobalotse di masisi o ne a ragosediwa kwa sepatela se setona sa Bokamoso kwa Mmopane. O boletse gore pele ga lekgotla la kabo ditsha le nna teng, lefatshe le ne le abiwa ke dikgosi mme go sena mokwalo ope o o ntshiwang. E rile ba bua kwa phuthegong ya kgotla bosheng, ba tlhalosa fa ba sa akole ditlamelo tsa puso ka botlalo ka jaana bodiredi bo tlhaela. O ne a gakolola batho gore ba tshwanetse go rarabolola dikgang tsa boswa le go tlhomamisa fa bosupi jwa peo bo le teng. A re motse wa Bokaa o filwe mananeo a nyeletso lehuma a le masome a mabedi le borobabongwe, mme a le masome a mabedi le botlhano a a thenyathenya. Mogolwane wa thuto wa pele yo a tlogetseng tiro ka bogodi Rre Tiroentle Pheto yo a neng ale sebui sa tlotla kwa pulong semmuso ya ntlo ya Setswana kwa sekolong sa Dithejwane a re o lebogela gobo batsadi le barutabana kwa sekolong seo ba setse morago kitso ya tlholego le go tlotlomatsa ngwao mo go tla solegelang bana molemo mo dithutong tsa bone tse di akaretsang ngwao . A re ga go na molao ope o o sireletsang batho ba go nna jalo e bile a supa gore basadi ke bone ba ba tlang go ikuela kwa go bone. Kwa bokopanong joo, Mme Kediemetse Temane-Temane o ne a supa fa go boloka madi go le botlhokwa mme e bile e le selo se se tswanetseng sa dirwa ke motho mongwe le mongwe. Kgosi Puleng o buile se, fa a ne a amogela diphuthego tsa dikereke ka go farologana kwa kgotleng kgolo ya Letlhakeng ka Tshipi go tla go rapelela meletlo e a e solofetseng mo motseng jaaka wa ditshupo tsa kgaolo-potlana ya Letlhakeng, molelo wa kgolagano, boipuso ga mmogo le letsatsi la ngwao. Palo ya ba ba ikwadisitseng e kwa tlase A re ka jalo selelo sa gagwe ga se ise se arajwe mme morafe wa Oodi o ya go tswelela o sokola ka ditsela gammogo le tse di tswelang kwa masimong. Banni bane ba ikuela fago sale gotwe gotlaa nna le dimpopo tsa kgopo ya metsi aa leswe le gore sekontere se sesha mo kgaolong ya bone sea tshutsuma ebile sea ngaporologa . Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Morongwa Malema o lebogetse dipalo tse di okeditsweng tsa Ipelegeng ka go bo kgaolo eo e tlhasetswe ke leuba. A re Zulu ga a boikanyego e bile o diphatsa mo setshabeng ka o se tlhorontsha ka go se amoga leruo le e leng lone botshelo jwa Motswana, ka jalo a sa tshwanelwa ke go tshela mo gare ga sone. Rre Molebatsi a re pele, molao wa kgokgontsho ya bong o ne o sireletsa bana le basadi fela, mme dipatlisiso di supile fa kgokgontsho ya borre le yone e le teng. Mme Gabathusi o tlhalositse fa ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome a mane le boferabongwe go ba thusa ka ditlhotlhomiso. A re ofisi ya molaodi gantsi e thusa ba ba amilweng ke dibetsa tsa tlholego ka ditante le dikobo. A re bone ba beile matshelo a bone fela mo diatleng tsa babueledi. This brings to two, the total number of COVID-19 deaths in Botswana. Rre Phologolo a re morago ga go lemoga seemo sa ba lelwapa leo, ba ne ba thulanya ditlhogo jaaka gale mme ba dumalana ka mogopolo wa go ba thusa ka dimpho tseo, e le ka maikaelelo a go leka go tlhabolola le go fa lelwapa leo seriti. Monana o gatetse pele ka kgwebo ya dijo Rre Kebeileng o kgadile borukhuthi jo bo diragalang bosigo bo bakwa ke go sa bereka ga dipone tsa mekgwatlha, a tlatsa ka gore dirukhuthi di bona sebaka sa go senya fa go le lefifi. Rre Keitlhokile o kaile fa dipuisano tse dine tsa batswa mosola ka gone ka seka ga gatisiwa dikgang dipe tsa borukutlhi ka malatsi a boitapoloso. O ile gape a tlhalosa fa go na le makalana a kgaso la RB le la RB2, mme a nna le sebaka sa go rola badiri ka ene, a bo a kgothatsa banana go dira ka natla mo dithutong tsa bone, a tlhalosa fa mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go ja mofufutso wa phatla ya gagwe, a re seo ba ka se kgona ka go ikitaya ka thupana mo dithutong tsa bone. Batshu o kgala baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana O supile fa sekole seo se na le matlapa a mantsi ka jalo bana ba ne ba felela ba gobatswa ke matlapa ao ka ba ne ba tsamaya ka dinao ba sa rwala ditlhako. O tlhalositse gore batlhoka pono ba tshwanetse go tsena le ba ba tsileng le bone mo lefelong la tlhopho gore ba tshwaye dikeletso tsa bone. Mogolwane wa mapodise a Tatitown,Superintendent Cyprian Magalila o boletse fa ba kgonne go tshwara monna wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro yo o tlholegang kwa Zimbabwe,a re ba santse ba le mo patlong ya bangwe ba bararo ba le bone ba amegang mo tiragalong eo. Mme Sesinyi o buile jaana kwa phuthegong e e neng e rulagantswe ke ba lekgotla leo le banana bosheng go ba tlhatlhelela ka mosola wa go tsaya karolo mo ditlhophong. O boletse fa motho a ka huma ka temo go na le go ikaega ka Ipelegeng. Go bua le ngwana wa mosimane ka dikgang tsa borre go ka mo kgapha mo ditirong tse di sa siamang. Go thusa dikole go nonotsha thuto Go baakanya tsela ya boleele ja 1km mo Bobonong le yone e tsamaya sentle le yone e le gaufi le go fela. O tlhalositse fa ba tla ruta banni ba kgotla eo go tlhokomela matlwana a bone le go ba neela dithuto ka tsa botsogo le botlhokwa ja tikologo e phepa. Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, o kgothaditse Batswana, segolo jang banana go ipopa ditlhopha tse ka tsone ba ka kgonang go ikopela ditiro tse mmuso o ikaelelang go di dira mo metsing ya bone mo ngwageng wa madi wa 2016/17. O boletse fa puso ka marekisetso a Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) e tsere tshwetso ya go reka kgetsi ya dinawa ka P700 jalo a tlhalosa fa Batswana ba tshwanetse go tlhoafalela temo gore ba ipelege ka yone. Rre Mochanang o boletse fa Rre Nkgowe a bile a ne a tlhophiwa go nna mongwe wa ba Batswana ba Tautona a neng a ba abelang dietsele ka malatsi a boipuso go ba lebogela ka fa ba kabakanyang itsholelo ya lefatshe leno ka teng. Mokhanselara o lebogela dikago tsa ESP Fa a tswa la gagwe mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Gakhibane Rre Mofana Tumaeletse, o kaile fa ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho di akaretsa letlhoko la motlakase mo sekolong, ba tsweletse ka go gatela pele e bile a le motlotlo ka seo. Rre Ellard o supile gape fa go na le kgwetlho ya batho ba ba fetotseng maina le difane, a supa bangwe ba na le go fetola maina mme ba sa tlhalosetse ba kabo ditsha maina a bone a pele fa ba bewa ditsha tseo, a supa fa ba kgona go tshwarisiwa bothata ke setsha sa motho a le mongwefela mme maina a sone a farologana. Kgosi Mosadi o supile fa tiriso botlhaswa ya nnotagi e le sekgoreletsi mo matshelong a batho, ka e felela e baka maitseo a a sa kgatlheng le malwetse. Fa a latlhela la gagwe, tona wa tsa mafatshe a sele, Rre Vincent Seretse o rotloeditse Batswana go nna sekao sa Botswana fa ba le mo mafatsheng a sele. O ne a tlhalosa fa seemo se kgatlhisa ka mo nakong eno ba itemogetse fa babereki ba dipolase ba ba amogetse ka tsoo pedi ka ba itlhatlhobela malwetse a a farologaneng ka dipalo tse di nametsang. Erile a ba ema ka lefoko molalediwa wa letsatsi, Rre Morulganyi Tshitoeng a re letsasi la boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano ke nako e morafe o tshwanetseng go tlotlomatsa bagaka ba pele ba eleng dikgosi tse tharo tse di dirileng gore Batswana ba bo ba le mo boitumelong jo ba leng mo go jone. E ne e rile go le pele a amogela kokoano e e neng e tsene moletlo oo, Kgosi Tapson Jackalas a phophotha legetla ba sesole sa Botswana ka tiro e ntle a ba e diretseng morafe wa gagwe. Ga nna maswe fa bojalwa ja setso bo nowa ko kgotlaneng. Go ntse go le foo, Mme Mpetsane o boleletse banni ba Mulambakwena fa tsela e ba tswang kgakala ba lela ka yone ya Tshesebe/Mulambakwena, e tlaa dirwa ka lenaneo le le sa tswang go simolodisiwa ke puso la go tsosolosa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP). Go ya ka mogolwane wa botsogo jwa setshaba mo khanseleng ya Kweneng, Mme Neo Kachana, go ne go ise go lemotshege se se ka tswang se bakile molelo oo. A re mo ngwageng ono fa esale ngwaga o simolola, go setse go tlhokafetse batho ba le masome a mabedi le borataro a supa fa ba ba boneng dikgobalo tse di masisi le bone dipalo tsa bone di le ko godimo fela thata. O tlhalositse fa mapodisi ba sa itebaganya le borukutlhi fela mme ba tsweletse ka go fetola matshelo a batho jalo a ba kopa go atolosetsa letsogo la bone kwa dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno. A re ba kgonne go bula makalana kwa Mogome le Mokgware e le go atumetsa le go isa lefoko la Modimo kwa batho ba leng teng. O ne a kopa banni go dira ditlhabololo tse di ka ba tsisetsang dilo di tshwana le dipone tsa mekgwatha. O kaile fa batsadi ba tshwanetse ba rurifatsa gore bana ba bone ba goroga kwa sekoleng. Rre Keabilwe are bana ba felela ba retelelwa ke go tsaya mananeo ao ka lebaka la gore batsadi ba bone ba agile bonno jo bo rileng ntswa matlo ao e se a bana ba ba ikopelang mananeo mme e bile bone batsadi ba ba agileng bonno joo, le go bereka fa gongwe ba sa tlhole ba bereka. Banni ba ne gape mo go tsedingwe ba lela ka ditsheko mo kgotleng ya bone, ba re di kgobokane fela ga disekwe,ba re e rile mokwaledi a sena go nna teng jaanong kgosi a tlhoka gotsoga, ba re seemo se se ba beile ka fa mosing ka jaana ga go sekwe mme melatoe diragala letsatsi le letsatsi. Kgatelopele ya mananeo a nyeletso lehuma mo metseng mengwe ya dikgaolo tsa Kweneng e itumedisitse mothusa tona. E rile Rre Setlalekgosi yo eleng mongwe wa barulaganyi ba letsatsi leo a tswa la gagwe a tlhalosa fa maikaelelo a letsatsi leo, le le neng le tsenwe ke balemi/barui go tsweng kwa lefatsheng la Africa Borwa ele go abelana megopolo le dikitso ka metlhale ya go tlhabolola seemo sa temo-thuo. Jalo ba bone go tlamega go tswa ka mogopolo wa ithutuntsho go thusa go tlhatlhelela banana ba ba eletsang go tsena mo dikgwebong. Rre Motingwa a re lebentlele la Choppies le tsweletse pele ka seabe sa bone mo go thuseng banalebogole ka jaana mo matlong a supa a a abiwang gompieno a le mane ke a banalebogole. A re ka ngwaga wa madi wa 2016/17 ba ne ba tshwanetse gore ba thusiwe ka go tshela mmu mme seo ga se ise se diragale. O boletse fa komiti e tshwanetswe ke go netefatsa gore batlhoki mo motseng ba bona ditlamelo tse di tshwanetseng kgwedi le kgwedi le go netefatsa gore bagodi le babereki ba Ipelegeng ba bona dituelo tsa bone kgwedi le kgwedi. O tlhalositse fa go ka bo go ne go le botoka fa e ne e ka re fa yo mongwe a tsere lenaneo la dipodi, tsala yone e bo e dira marekisetso a nama gore ba kgone go thusana ka tsa mmaraka. Mapodisi a malala a laotswe Mme Gobotswang o boletse fa lerato le le siameng ele le le nang le maduo a mantle, eseng le motsadi a sa kgalemeng ngwana. Fa akgela mo go tsa metshameko e ee neng ya tshwamekwa ee aretsang kgwele ya diano ya borre le bomme, bolotloa le mabelo a dipitse Rre Petrous Vraay modulasetilo wa komiti ee rulaganyetsang mabelo a dipitse o ne a supa fa e tsamaile sentle le ntswa ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhoka barotloetsi ka se se dirile gore ba nne le palo ee kwa tlase ya dipitse tse di tsenelelang dikgaisano ka ntlha ya letlhoko la madi mo ngwageng ono. Seretse Khama Ian Khama, ‘mme ka fa ke bonang ka teng le setse le kapile ka gore mo dikgaolong tsotlhe go setse go bonala gore badirelapuso ba tsenya seatla mo go bonalang’. Kgosi Malope II o tlhalositse gape gore o tswaletse ditsheko tse disha. Rre Goya a re se se supagetse fa makgotla ao a bua ka tomolagano kana go thubega ga dikereke e bile ba tswa ka mogopolo wa gore go batliwe maloko a le 500 go ka simolodisa kereke e ntsha. Fa a lekodisa ka go segwa ga bojang, o ne a re ba tsweletse ka go fa diteseletso tsa go sega bojang e le seelo sa go itse gore batho ba ba segang ba kae, ba sega selekanyo se se kae e bile ba ipaakantse go le kae go sireletsa tikologo fa go ka tlhagoga molelo. Mme Mugonzo o tlhalosa fa a itumelela gore lebentlele le le bo le sa rekise dilwana dingwe tse di rekisiwang ke bagwebi ba babotlana jaaka marotho, dijo tse di apeilweng le tse dingwe. Banni ba kgotlana ya Metsiaela ke bangwe ba ba neng ba bona thuso ka go agelwa matlwana a boitiketso mo malwapeng ka madi a tswa kwa komponeng ya Debswana ba sena go kopelwa dithuso ke ba ofisi e okametseng mananeo a a itebagantseng le go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS mo Boteti. Rre Guma a re se se ngomolang pelo ke gore dikgomo tsa Batswana fa di tlolela kwa Zimbabwe di a bolaiwa fa lefatshe leno lone le sa bolae tsa barui ba lefatshe la Zimbabwe fa di tloletse kwano. O kopile badiri ba moepo wa Jwaneng le setshaba ka kakaretso go itlama go sireletsa diteemane ka go nna maloko a DCAT le gone go nna babueledi ba yone gongwe le gongwe fa ba leng teng. Molaodi Sebokwane Mosweu o ne a tlhalosa gore dikgang tsa go nna jalo di golela pele mo motseng le ntswa batho ba kgalemelelwa go dira jalo gangwe le gape. Rre Tshitoeng a re morafe wa motse wa Sefhophe o tshwanetse go ipela ba ntshitse dihuba ka ba alositse bagaka ba ba diretseng lefatshe la Botswana ka thata ba tshwana le mothusa tautona wa pele Dr Ponatshego Kedikilwe. Ba re se se ka thusa thata go imolola puso mokgweleo wa go ba tlhokomela. Re le puso re tlaa sekaseka gore jaaka re ntse re emisitse diteseletso tsa letsomo, a ke go bulelwe, mme fa go bulelwa go fokodiwe fa kae, go dira gore dilelo tsa Batswana di fokotsege, Rre Masisi a supa. O rotloetsa banni go nna mo tikologong e e phepa ka dinako tsotlhe ka e le yone fela tsela e e ka ba thusang go itsa go tsenwa ke malwetse. Bana ba ba dikileng ba dira lekwalo la bosupa ba ne ba le lesome le borobabongwe ka palo, ba le barataro ba tsere A, ba supa ba tsere B, ba le bararo ba tsere C, fa ba le babedi ba tsere D le E. A re ba tsweletse ka go rutuntsha batho ka ditlamorago tsa go nna mmogo ba sa nyalana, bogolo jang tse di amang dikgang tsa boswa. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Thankane, Rre Ontiretse Barolong o ne a tlhalosa fa dipolasi tseo di ba pitlaganya mme e bile di sa ba tswele mosola e le beng ba motse. O tlhalositse gore kgodiso ya ngwana e tlhoka batsadi boo babedi le morafe ka kakaretso go mo lemotsha ditiro tse di molemo le tse di bosula mo botshelong a sa le monnye gore a gole a itlhaloganya. O rotloeditse setshaba go kopa dithuso mo bodireding jo bo maleba fa ba kgokgontshiwa pele ba ka tsaya ditshwetso tse e seng tsone ba ipolelela gore ke gone jaaka ba rarabolola mathata a kgokgontsho. Tona wa merero ya ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Eric Molale o akgoletse badirelapuso mowa wa go seegela fa thoko ditiro tsa bone go direla setshaba. Rre Mochanang o ne a rotloetsa ba ba eletsang go akola lenaneo le go tla ka mefuta e mesha ya kgwebo gore ba nne pharologanyo mo go ba bangwe. Madigele o tlhola badiredi Mothusa mogokgo wa sekole se se botlana sa Moiyabana, Mme Matlhogonono Gaamangwe o lebogetse mpho ya ntlwana ya burutelo ya bananyana ba ba yang go dira lokwalo lwa ntlha ngwaga o o tlang. A re gape ka letsatsi la rafole eo ba tlaa rekisa dijo go leka go oketsa madi ao, mme madi otlhe a a tlaa bong a kgobokantswe a tlaa kopanngwa le a a ntseng a le teng go ya go reka didirisiwa tsa terata ya lebala. O ne a rotloetsa balemi go dirisa mothale wa go somarela bokgola le go somarela lefatshe le ba lemang mo go lone a bolela fa mo nakong e e fetileng go ne go sa tlhokafale gore go dirwe jalo. O tlhalositse fa batho ba motse wa gagwe ba ne ba mo rotloetsa gore a e go supa dinkgwana tsa gagwe kwa ditshupong tsa kgaolo ya Kgalagadi Borwa ka ngwaga wa 2011. Batswana ba tshwanetse go lebogela kagiso Mme se, ga se diragalele banni ba Monarch mo francistown. Rre Butale o buile jaana fa a buisa phuthego ya kgotla kwa kgaolwaneng ya Mmatshitswane kwa Kanye bosheng, a tlhalosa fa go na le dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi kwa Kanye mme di tshwaragane le puso. O bile a gakolola gore seemo sa dikago tsa puso se ne se tsibogelwa ka nako go hema go tsaya dikgato mo mabakeng a pitlagano, dilo di dule mo taolong. O kopile morafe wa Botlhapatlou go kopa ditiro tse di bonalang ka madi a ditlhabololo a dikgaolo a bo a ba kopa gore ba kope bogakolodi mo badirelapusong. O ne a bua a menne phatla ka banana bangwe ba ba itontelang dinotagi le tsosa medumo a supa fa seo se supe fa ba na le boikarabelo mo metseng ya bone ya BORAVAST. Banana ba itshetsa ka temo thuo O solofeditse morafe gore dikgoro tsa gagwe di tlaa bo di butswe le gore dikgakololo di a amogelesega. Balekane ba Botswana ba tsweletse Le fa go ntse jalo, Kgosi Kobelwane o supile fa go le thata go tseela badira melato dikgato ka bontsi jwa ditiragalo di tshwana le dintwa ga di ke di begwa kwa kgotleng mme di felela fela kwa dipotong. Fa a tlhalosa mo potsolotsong le ba BOPA bosheng mogolwane wa sepodise ko Tsabong Assistant Superintendent Keagetswe Lorato a re ba akgola puso go menagane mo go fetoleng melawana e e amanang le madirelo a a rekisang majalwa le go emisa majalwa a a itirelwang mo malapeng ka se ele sone se fetotseng seemo ka mokgwa o. A re go lebega batsadi ba metse ya selegae ba na le seabe se sentsi mo go rotloetseng basha go ikamanya le temo ka jaana ba ba adima masimo a bone gore ba itemele ka bangwe ba ise ba abelwe ditsha. Ba kopile modulasetilo wa khansele go tsibogela kgang eo ba re e tlogetse batho ba le bantsi mo logoeleleng. E rile bosheng, Mokhanselara wa kgaolwana eo, Rre Kgosiemang Monare a kgala a sa oshaoshe go latlhelwa ga masea mo matlwaneng a boitiketso. Monana wa Shoshong o inaakanya le tsa maranyane O ne a balolola ditiro tse dintle tse Kgosi Magapatona a di diretseng lefatshe la Botswana Mme Kgosi Masunga o ne a re Kgosi Magapatona a tsweledise tiro ya gagwe ka dinako tsotlhe. Bokgoni jo Rre Botshoma yo o kileng a etelela maphata ka go farologana pele jaaka la tepo loapi go tla a thusa go isa sekolo sa Nyangabgwe golo gongwe. Mogokgo wa sekolo sa Nyangabgwe, Mme Boingotlo Chaba, o tlhalositse fa go ithaopela go ema nokeng sekolo seo ga ga Rre Botshoma go tsile ka nako e e maleba ka sekolo seo se na le letlhoko le lentsi thata. A re go le gantsi o tlhaelelwa ke madi go reka tse di tlhokegang, a tlhalosa gore go le gantsi batho ba batla dipampiri tsa dithulaganyo tsa phitlho tsa boleng jo bo kwa godimo, mme ka di tura, a palelwe ke go ba thusa a bo a fetwa ke madi. Mme Kavurase-Sedio a re go lwantsha koketsego ya seemo se, ba dirile dithulaganyo tsa gore ba nne ba a fa bomme dithuto tse di tseneletseng ka dikgang tsa boimana le pelegi, go katologanya tsholo le tiriso ya tsa boiphemelo mo boimaneng. Banni ba metse ya kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami ba sa tswa go tlhopha maloko a masha a mokgatlho o o ikaelelang go emela ba--na-le-bogole morago ga gore o o kileng wa bo o le teng o phutlhame mo dingwageng tse di fetileng. Ba re tsela eo e ka bo e ba tlhofofaletsa mosepele ga mmogo le go ba tlhamela ditiro. A re ere ka jaana go se na diphatlha tsa mebereko, mme banni ba motse wa gaabo ba beile fela mo lenaneong la Ipelegeng go itshetsa, bagwebi mo motseng oo ba felela ba goga bokete go tsamaisa dikgwebo tsa bone, ka letseno e se le le nametsang. E re ntswa re ise re fitlhelele makgaolakgang a dikgaisanyo tseo, re amule go le gontsi tebang le bodiragatsi jwa mmino wa Setswana ka go bo re ithuta mo ditlhopheng tse re iteisanang borathana le tsone, a tlhalosa jalo. A re monongwaga o ikaelela go ya go supa mebutla, dipidid, merogo, ditlhare le dinotshe kwa ditshupong tsa kgaolo. Mme Itumeleng Ramsden a re letsatsi la mafatshe fatshe la bana ba basetsana le tsa maranyane le diretswe go rotloetsa bana ba basetsana le bomme go dirisa tsotlhe tse di leng teng mo go tsa ditlhaeletsano le maranyane go tokafatsa matshelo a bone. A re go nna mmogo ga batho ba sa nyalana e bile bana le malwapa go rontsha bana tshwanelo ya go akola ditshwanelo tsa batsadi ba bone fa ba setse ba tlhokafetse kana batsadi ba bone ba kgaogana ka jaana ba masika ba kgona go gana ka dithoto tseo ka seipatlo sa gore batho bao ga ba nyalana kafa molaong ntswa bangwe ba bone ba ntshitse magadi e bile bana le malwapa mmogo. O tladitse ka go re, ‘ka ke rona re lomaganyang lenaneo la nyeletso lehuma mo lefatsheng, fa re ntse re tsamaya jaana, re lemoga gore le lengwe lehuma ga se le le tlhokang lenaneo leo fela, le tlhokana le gore le rona re le badiredi ba ofisi ya ga Tautona re tsenye seatla go bonale gore re eme puso nokeng, re le babereki ga mmogo le baeteledipele.BOKHUTLO Banni ba re lentswa gone go hirwa go diriswa khupelekhupele ntse ke bone ba tseng mo lenaneo ,bare ba belaela gore ba dirile maretshwa mangwe,ba kopa mopalamente go ba thusa ka jaana mananeo a puso a diretswe Batswana botlhe. Banni ba dikgotla tseo ba ne atla lenaneo leo la go rudisa itsholelo ka diatla tsoo pedi, ba re tsholofetso ga e tlhabise ditlhong. Mothusa tona wa temo-thuo le tlhabololo dijo, Rre Kgotla Autlwetse o galaleditse Bakgatla ba ga Mmanaana kwa Moshupa mo maitekong a bone a go tshegetsa ngwao ya go ntsha Dikgafela. O kaile fa ele ba bogosi ba sa direlwe sentle ke banyalani gore ba ba kgaoganye ka seo e le boleo fa pele ga Modimo le mo baebeleng go kwadilwe gore se se kopantsweng ke Modimo se seka sa kgaoganngwa ke ope. A re ba rotloetseng ba tsenelele metshameko ka dinako tsa gompieno ba ka itshetsa le go ya mafatsheng ka yone, a feleletsa. Go na le lekalana la dithoto le le lebaganyeng le tsa matlo, dithoto, dikoloi le dipe fela tsa tlhwatlhwa e kgolo. Setshwantsho yo le ene a amegang mo dingweng tsa ditsheko tsa bogodu jwa leruo tse di fa pele ga makgotla a ditsheko, o ne a letlelelwa go emela tsheko kwa ntle ka go itlama ka P2 000, go iponatsa mo kgotleng ka malatsi a a beilweng le gore a seka a dira molato o o amanang le borukutlhi fa a letile tsheko, fa ba bosekisi ba sa dumalana le go itoka ga ga Zulu. Ba ne ba gwetlha baeteledipele ba toropo go etela dikompone ka go farologana mo toropong go sekaseka gore a melao ya phiro le pereko di salwa morago fa go sa nna jalo ba tseelwe dikgato tse di maleba go itsa go tlhorontsha babereki mo isagong. O buile mafoko a ka Labobedi kwa kgotleng kgolo ya ga Mmangwato mo phuthegong ya makalana a itshireletso a akaretsa mapodise, masole, dikompone tsa badisa-dikago le mapodise a a thapilweng ga nakwana; ka nako ya fa a ne a ba ema ka lefoko jaaka ba ipaakanyetsa go sireletsa Batswana le dithoto tsa bone mo malatsing a botsalo jwa Morena le ngwaga o mosha. Tona o ne a lebogela maiteko a bobega dikgang go gasa molaetsa ka ntwa kgatlhanong le kgokgontsho. A re bothata jo a nnileng le jone ke gore fa a simolola, boleng jwa dilwana bo ne bo le kwa tlase. Go a tshwenya go bona motho a latlha dijo moagisanyi a lala ka logaba. Rre Tsogwane o lebogile dikompone le batho ka bongwe ka bongwe ba ba itlamileng go tswelela ba thusa. Bangwe ba supile fa go na le mathata a ditsha tse di fetolelwang kwa go ba bangwe, ba supa gore molao wa kabo ditsha o sa letlelele gore setsha se fetolelwe leina kwa go yo mongwe fa se sa tlhabololwa, ba supa gore go raya gore batho ba emetse go tlhabolola ditsha tse gore ba tle ba fetole maina. Dipampiri tsa tiro e di fa kgotleng, tlang go iteka lesego, a rialo Rre Siabatho. E re ka kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa, mookamela mapodisi a Maun, Rre Motlhaba Ramaabya o gwetlhile bagwebi ba marekisetso a nama go ba thusa go fokosa bogodu jwa leruo ka go amogela dikgomo tse di tswang matlhabelong fela. Setshaba se tlhagisiwa ka kgonego ya merwalela E rile a bua mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Jackalas 1 le Senyawe bosheng, mothusa-tona wa lephata la temo-thuo, Rre Oreeditse Molebatsi a bolela fa barui ba tlaa phimolwa keledi ka madi a a kana ka dikete di le pedi le makgolo a le matlhano a dipula kgomo nngwe le nngwe. Leloko le lengwe la komiti eo Rre Mephato Reatile o ne a kopa ba kabo ditsha go nna ba sekegela dilelo tsa morafe tsebe. Rre Puku a re o butse madirelo a Chedza Milling Enterprises monongwaga ka Motsheganong a sila thobo ka go farologana e akaretsa mabele, mmidi le lebelebele mme o thusa balemi ba metse ya Zwenshambe, Moroka, Mapoka, Nlapkhwane, Gungwe, Mbalambi le Masunga. Mothusa tona gape a re manyalo ao a tlaa fedisa ketsaetsego mo malwapeng ka jaana bana ba tlaa simolola go tlhakanela difane le batsadi boo-babedi. Mangwe a matshwenyego a banni ba a ntshitseng ke go sa tlhokomelweng ga mabitla, ba kaya fa bangwe ba a ralala ka go tlhaga terata e e ageletseng le go latlhela leswe la metseto le dikausu tse di dirisitsweng. A re go na le balemi bangwe ba ba tlogelang masimo a bone ba tla go nna mo magaeng, mme a re balemi ba go nna jalo ba tlaa seegelwa fa thoko ba sa thusiwe go fitlhelela ba ithuta go nna le maikarabelo. A re Batswana ba na le tumelo ya gore lekgotla le le reka dikgomo tse di tswang mo dipolasing tse di terateletsweng mme se e se boamaruri. A re kopo ya gagwe e ne ya atlega mme a thusiwa ka P100 000 go simolola kgwebo e a reng e gaufi le pelo ya gagwe e bong ya go apaya borotho. Se se tlhalositswe ke Mme Elda Mabunu, wa dingwaga tse di masome marataro le bosupa. A re temo ya ditselana e bogadi bo gaufi fela thata e bile motho o tlhagola motlhofo go na le go gasa peo e e reng motho a santse a lema ka ntlha e nngwe dinonyane di bo di e sela ntlha e nngwe. Mogolwane wa LEA, Mme Abgail Mokiya o rotloeditse bakgweetsi go ipaakanyetsa go nna le seabe mo thusong ya potlako y fa ba kopana le kotsi e diregile fa ba le mo mesepeleng ya bone ka nako tsotlhe ka seo se ka thusa thata mo pabalesegong ya botshelo mo go yo o amegileng. Agente Moncho a re ka jalo o kopile Mmakaseterata Raphael go ba letla go ya go ikopela kwa kgotleng kgolo ya ditsheko gore dingwe tsa ditsheko tsa ga Zulu tse di nang le lobaka lwa dingwaga di ka fera bobedi di sa wele di tshololwe ka jaana mosekisiwa a sa direlwa tshiamelo ka ntlha ya tiego e e nnileng teng. Mogolwane o ne a kopa barui go isa dikgomo kwa Francistown a re ba seka ba kgojwa marapo ke seemo se se neng se ntse se ba farafarile ka ba solofetse go le gontsi mo lenyalong la bone. O ne a supa gape fa bontsi ja borukutlhi bo dirwa mo matlong a beng ba one ba agileng ba bo ba ya go nna kwa ditoropong kwa ba direlang teng. Fa a ntsha lefoko la kgothatso mothusa mokwaledi mo ofising ya ga tautona Rre Mogomotsi Kaboeamodimo o ne a tlhalosa fa badiragatsi mo nakong ya gompieno go na le mokgatlho o ba ikwadileng mo go one, o ka one ba tla kgonang go duelela dipina tsa bone tse di lediwang mo seromamoweng sa setshaba. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa a tshwenngwa ke banana ba a reng ba goga maoto go ikopela ditsha, a re e re le ntswa motse wa Ghanzi e na le batho ba ba emetseng go bewa ba feta dikete tse nne, banana ba tshwanetse go tlhagafalela go ikopela ditsha. ‘Tshegetsang malapa ka tumelo’ O sedimositse fa setshaba se nale maikarabelo a go fedisa kgokgontsho ya bong ka go nna kgatlhanong le go gatakwa ka dinao ga bomme, go rotloetsa batho go bua fa ba na le mathata eseng go dirisa kgokgontsho, go itsese ba sepodisi kgotsa makgotla a mangwe a dithuso ka ditiragalo tsa kgokgontsho, go kgala mofuta mongwe le mongwe wa kgokgontsho ya bong le gone go ruta bana go tlotlana, bogolo jang bana ba basimane go tlotla ba basetsana le bomme. Modulasetilo wa khansele ya borwa Rre Mephato Reatile le mokhanselara wa Mabutsane/Kanaku Rre Ernest Pule ba ne ba tsene tiro eo. Motshwarelela tona wa thuto, Rre Mokgweetsi Masisi o kgothaditse bagolwane ba thuto ba dikgaolo go tokafatsa pereko mo dikgaolong tsa bone. O tlhalositse fa dithoto tse a di dirang di akaretsa diphate, mabante, dihutshe le ditlhako tse gantsi di tsewang ke bone ba khansele le ba thuto ga e golelwe go ya go di supa kwa ditshupong, tse a tlhalosang fa gantsi di kgatlha matlho a bareki. Kgodiso ya ngwana e botlhokwa A re mme o botlhokwa jo bo dirilweng ke Modimo, a re puso e lemogile gore bomme ke batho ba ba mabogo dika ba ba berekang ditiro di le mmalwa. Kgosi Seretse o ne a re o tlaa busetse kgang kwa go ba ba mo rumileng. Kgosi Mathubae Mokgatla wa Tsokatshaa mo kgaolong potlana ya Tutume o supile fa bangwe batsadi mo motseng ba tsweletse ka go bipa ditiro tsa botlhokatsebe tse banana bangwe ba tsweletseng ka go inaakanyang le tsone. Ga a wetsa tona o ne are o kgotsofalela kalafi e maokelong otlhe le e e ko mabeelong. A re thobo e isiwa kwa tlase ke bangwe boradirekere ba ba sa itseng go lema ka ditselana. Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mmatoropo, Mme Malebogo Kruger kwa kgotleng ya Woodhall ka Laboraro. Re tshwanetse go fetola maitsholo a rona mme re beye matlhoko a batho pele, re tshwanetse go lebala ka borona go fa batho ditirelo, o tlhalositse jalo. Mme o gakolotse setshaba gore ba tshwanetse go amogela bonnete jwa gore mmino wa Polka o fetogile le dinako mme ke gone ka moo o setseng o binwa ke merafe yotlhe lefatse ka bophara. Banni ba motse wa Gakgatla ba ne ba boditse mopalamente ka tsela ya Gakgatla-Gamodubu e ba sa bolong go e solofediwa gore a ba tlaa e bona. Batsadi ba kopilwe go lekola bana ba bone gangwe le gape kwa dikoleng bogolo jang ba ba nnang mo dikoleng tse di kgolwane ka seo se ka thusa thata go tila go ngwega ga bone mo dikoleng tseo. A re ba dire ka natla mo dithutong ka thuto e le yone boswa jo bo sa lwelweng. Monana mongwe wa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Gideon Kaolatola o tlhalositse mo potsolotsong fa a simolotse kgwebo ya kapei ya borotho ngwaga o o fetileng morago ga go thusiwa ke ba nyeletso lehuma ka go mo fa didirisiwa tsa go ipulela madirelo a kapei ya borotho. Rre Mogapi o ne a gwetlha dikhamphani tse dingwe go ititaya ka thupa go thusa fa go lebegang go na le letlhoko teng. A re le fa ba na le dikgwetlho ba tsere ka mashetla boikarabelo jwa go tokafatsa kanamiso ya metsi ka a le botlhokwa mo go lwantsheng bolwetse jwa COVID–19. A re o akgola puso ka lenaneo la YDF ka le mo dirile se a leng sone. Le fa go ntse jalo a re Batswana ba thusa go tshwara dirukutlhi mathata ke gore ba felela ba tsholola dikgang ntswa go sentswe didirisiwa tsa puso go dira ditlhotlhomiso. Le fa go ntse jalo, Rre Madzinyane o supile fa bangwe ba ba thusitsweng ba tlhanogetse tumalano e ka jaana ba itlhokomolositse go duela. E rile fa bagolwane ba motsana o ba tlhalosetsa Tautona Lt Gen. O ba rotloeditse go tsenelela dikgwebo tse di farologaneng go nale go inaakanya fela le ya thuo ya dihutshane. Ba dumalane gore dipego tsa modulasetilo di balwe gabedi fela mo ngwageng ba re seo se tlaa ba fa sebaka sa go bua dikgang tsa kgaolo ba phuthologile. Mokhanselera wa kgaolo, Rre Molefane Tseladikae o ne a leboga puso ka lenaneo la ESP le mpho ya ba Morupule Coal Mine, ga mmogo le bone ba Barclays a re dimpho tsa bone di nametsa pelo. A re le dikgosi go tswa ko Nata ba ba eme nokeng ka dikgakololo tsa go tshwara fela ka thata mo motshamekong oo. Kgosi Mpeo a re ke nako ya gore kgethololo mo bathong ba ba tshelang ka bogole e nne selo sa maloba. Mookamedi wa dikokelwana tsa Tsabong le metse e e mabapi, Mme Kgalalelo Tauetsile a re ba lemogile gore sebe sa phiri ke gore batho ga ba a ikaelela go fetola boitshwaro jwa bone mabapi le tsa tlhakanelo dikobo. Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Sikwane bosheng, mopalamente o tlhalositse fa boeteledipele bo eme nokeng kgosi le banni ba metse ya dinokeng go sireletsa noka. Mme Kutlase o ne a supa fa kgosi ya motse oo kgosi Bock a sa itumedisiwe ke boitshwaro jwa bone mme a ba kopa go fetoga mo go nweng bojalwa phetelela le go tsosa medumo mo metseng ya bone. Mopalamente Mangole o buile a sa kgwe mathe ka botlhokwa jwa go ema bana nokeng mo thutong ya bana. Fa a buisana le Ke ka moo a kopanyang sekhakha le mokolwane go tla ka mekgabisa le metswako ya sesha. Kgosi Telekelo o ne a ba supa fa Kgosi Bome jaanong a tlaabo a tshwara ditsheko tse dikgolwane ebile a okametse mangwe magosi. Ba supile matshwenyego a mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng kwa Serowe ka Labobedi morago ga gore mookamedi wa lenaneo leo, Rre Silvester Moswela a ba rolele pego ka fa lenaneo le tsamayang ka teng. Mme Tebelelo Leburu, 82, wa kgotla ya Kgosing kwa Sehithwa o kaile fa bogodi bo sa itse ope go iphataphatela. O tlhalositse fa a amule botsipa mo go rraagwe ka le ene e ne e le tiro ya gagwe ya letsatsi le letsatsi. A re fa ba sena go buisana ba ikopanye le molaodi gore a ba gokaganye le ene ba mo etele kwa ofising ya gagwe gore ba supe mananeo a ba bonang a ka ba sologela molemo. A re fa a ka ikokobeletswa, mongwe le mongwe a tlogelwa ditsela tse di maswe, Modimo o ka tsisa mowa wa kutlwelo botlhoko mme a fodisa lefatshe leno. Rre Taolo Lucas, ntlhopheng wa bopalamente, o ne a rurifatsa seo kwa phuthego ya phatlalatsa ka mafelo a beke kwa kgaolong ya Moletemane kwa Bobirwa, a tlhalosa fa ana le dingwaga dile lesome le botlhano a emetse ditlhopho mme e bile a ne a ntse a lebile lehuma, kwelo tlase ya thuto le botsogo tse di apesitseng Babirwa kobo ka letshoba. A re mo bekeng e e fetileng ba nnile le ditsheko di le mmalwa tsa batho ba ba tseneng mo lefatsheng leno e se ka fa molaong a re Batswana bangwe ba na le seabe mo go rotloetseng dirukutlhi tsa go nna jalo ka jaana bangwe ba feletsa ba nna le malwapa mono. Kgosi Zacchious Kaeperura wa Pilane o boletse fa go le botlhokwa go lebelela dikgang le molao sentle le go gakolola bogolo jang banyalani sentle pele ga lenyalo le ba setse ba le mo lenyalong bogolo jang fa go setse go na le bana mme ba batla go kgaogana.BOKHUTLO E rile ba bua kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke bagolwane ba lephata la thuto bosheng, baithuti ba supa fa bontsi jwa batsadi ba sa tsee thuto tsia. Tona wa Ditsha le Matlo Rre Prince Maele o kopile banni ba metse ya Tswapong bokone go se kgotlele lenaneo la Ipelegeng ka ditsamaiso tse di sa letlelesegeng. A re ntle le go bala le go kwala, bagolo ba fiwa sebaka sa go rutana ditiro tsa diatla di akaretsa go roka, go loga,go betla le tse dingwe ka go farologana. Se sengwe gape ba ne ba re dipampiri tsa ditlhatlhobo tse di fetileng di somarelwe gore di dirisiwe go gakolola bana ka tsone pele ba kwala ditlhatlhobo tsa makgaolakgang. E rile a amogela baeng, kgosi ya Mosetse, Rre Opelo Ntshwarelang a supa fa bojalwa bo ile magoletsa mo motseng wa gagwe ka jalo a re ga go thona go bo mogare o kekela ka batho ba nwa bojalwa phetelela. E re le ntswa banni ba iteelwa legofi ka go nna le karolo mo lenaneong, molaodi o ne a supa fa a itemogetse gore bagwebi ba dira ditiro tse di tshwanang jaaka tsa kgwebo ya ditente le ya go apaya borotho. Tautona Masisi o boletse fa puso mo nakong e e sa fediseng pelo, e tlaa rerisa Batswana le go tsaya megopolo ka fa go ka tokafadiwang botshelo ka teng. Rre Motsamai o supile fa go nna le seabe mo botsogong jwa baithuti e le go ba kgothatsa gore ba tsenye moko mo dinameng mo dithutong tsa bone go na le go neela tshwene marapo ba bo ba inakanya le tse di tlaa ba gogelang mo thaelong. Mo potsolotsong le Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa motswasetlhabelo a robaditswe kwa sepateleng se sebotlana sa Hukuntsi mme a supa fa a sidilega. Go ya ka mme Nthabi, tseo ga se tsone ditlhabi fela tse di bakiwang ke kgokgontsho, mme tse dingwe ditlhabi e le go inyatsa le go latlhegelwa ke seriti,go tshelela mo poifong le go nna le mathata a tlhaloganyo ga yo o amegang. Kgosi Mosweu o bile a supa fa bangwe batsadi ba rotloetsa bana go inyadisa ba gabile dipoelo mo manyalong ao. Kgosi o kopile bagolwane ba mokgatlho gore ba ne ba etela maloko go bona gore ba tsweletse jang a re se se dira gore maloko a tswelele ka go kgatlhegela boithaopo. A re bana ba sekole sa gagwe ba nna mo sekoleng botlhe ka jalo motho a ka solofela fa ba tla a ntsha maduo a a nametsang ka ba na le nako e ntsi ya go ithuta mme ba dirisa nako ya go ithuta mo go tse di duleng mo tseleng. Rre Motlokwa a re o ne a simolola kgwebo ya go suga matlalo fa a sena go fetsa dithuto. A re tiriso le tlhokomelo ya motshine oo ke gore e le baithuti ba ntshe ga tshwene. Moruti Baumake a re gape ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le tlhakanelo dikobo le bana ba dingwaga tse di kwa tlase, segolo thata ba basetsana, nnotagi, boimana jwa bana ba dikole jo bo bakwang ke go okwa ke banna ba bagolwane, malwetse, dikotsi tsa tsela, thekiso ya ditagi, bogolo jang motokwane gareng ga tse dingwe. Ba supile fa dipolasi tse di dikaganyeditseng metse ya bone di itsa metse go gola mme e bile di kganela le tsone ditlhabololo tse di ka tokafatsang matshelo a bone. Mme Motshelanoka a re maikaelelo a mangwe ke go konotelela moono wa mafatshefatshe wa go leka go lwa ka gotlhe go emisa TB. Ka jalo a re ba ne ba dumalana gore ba koleke P50 nako tsotlhe fa ba lemoga gore go na le letlhoko lengwe mo motseng. A re se se supiwa ke ka fa kereke e dirang ka teng mo go bao ba ba tlhokileng lesego, go ba lemosa gore ba botlhokwa le gore kereke e a ba rata. A re kgwebo e, e ne ya felela e phutlhama ka ntlha ya go tlhoka madi. O boletse gore e ne ya re kwa tshimologong kgwebo ya seka ya dira sentle ka a ne a sena mmaraka mme a seka a itlhoboga a tswelela ka go kotlopisa le go tswa ka maano a go bona gore o ka phunyeletsa jang mo mmarakeng ka a na le lerato le le tseneletseng mo go tsa kapei. Mogolwane mo lekalaneng la botsogo la kgaolo, Mme Dineo Sisila a re motse wa Dukwi le e e mo tikologong ya yone go balelwa le Mosetse ke mengwe ya e e nang le dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba amilweng ke mogare le bolwetse jwa HIV/AIDS mo kgaolong potlana ya Tutume. E rile a tswa la gagwe Mme Miranda o boleletse batho ba ba neng ba tsene phuthego eo, gore kgosi o mo pateletsa dikgang tsa gore o batla go mo amoga bogosi mo go dirang gore ene le kgosi ba seka ba dirisana mmogo mo ditirong tsa motse di akaretsa kamogelo ya molelo wa kgolaganao, diphuthego tsa dikgotla le dikgang tse di amang ditlhabololo. Se se builwe ke mogolwane go tswa kwa ofising ya lekgotla la tsamaiso ditlhopho, Rre Dintle Rapoo, kwa Mmathubudukwane bosheng. Mookamedi wa kereke ya Gates of Heaven Network kwa Maun, Moporofeta Thato Elias, a re botsogo jwa bana ke konokono. Modiri wa lephata la boipelego, Mme Onameditse Seetapele le ene o ne a galaletsa maiteko ao, a re ba LEA ba dirile tiro e ntle, ka jalo a ba rotloetsa go tswelela ba thusa go ya go ileng. E re ntswa kgaolo ya mokwena e ntse e lebanwe ke bothata jwa go kgaolwa ga metsi mo diofising tsa makgotla a Setswana, bothata jo bo nnileng teng ka lobaka ka ntlha ya dikolotso tsa metsi, bothata joo go kaega e tla nna dikgang tsa maloba jaaka bodiredi jwa koporase ya metsi bo ne bonala mo kgaolong eo go busetsa seemo mannong. Mogonono o atla maduo a twantsho borukutlhi O gwetlhile banana lebo Mme go inaakanya le temo abo a tlatsa ka gore faba tsena mo temong go batla ba ititeile sehuba Rre Ramokapane are lephata le ikaelela go tokahatsa go isa ditlamelo kwa setshabeng ka go dirisa dikompone tsedi ikemetseng le gone go dirisa balemisi baba tlogetseng tiro mme ba santse baka bereka. Go lema mariga go molemo A re go sa ntse go itshupa fa Batswana ba tletse kgethololo mo go ba ba tsayang diritibatsi tsa mogare wa HIV, mo go feletsang go baka gore ba ba kgethololwang ba di tlogele mme ba lebaganwe ke leso mo nakong e khutshwane. Rre Jibichibi o rotloeditse ba ba nang le masimo mme ba sa a leme, go adima ba ba nang le kgatlhego ya go lema. Kgosi a re bogadi gape ke thekololo ya mosadi le bana go tswa ka fa tlase ga boora mosadi go ya kwa go boora monna. Hulela are koloi eo e ne e pegile batho ba le lesome le boraro le dithoto tsa bone. A re seo se ne sa tla morago ga gore ba lemoge fa bontsi jwa bana ba motse o e le ba ba neng ba direla kwa moepong wa BCL wa Selebi Phikwe, a re ba ne ba ikgolaganya le khansele go e kopa go ba isetsa batho bao kwa Madirelo kwa Gaborone go ya go dira ditlankana mme ba tla ba fentse dithuto, maikaelelo e le gore ba ipope setlhopha gore ba kgone go gaisanela ditiro tsa puso. E rile a rolela mopalamente matshwenyego a bone, modulasitilo wa komiti kgolo ya motse (Village Extension Team) yo gape e leng mogokgo wa sekole se sebotlana sa Khwee Mme Maureen Morwe a supa fa selelo segolo sa bone e le tsela, letlhoko la dikoloi tsa puso gammogo le tsa sectshaba. BOKHUTLHO Fa a tlhalosa ka kgang eo, Modulasetilo Rre Makale o boletse fa ba setse molawana o o ba laolang morago jaaka khansele. Mme Kerekang o ne a kopa badirelapuso go nna le lerato mo tirong e ba e dirang, go nna le neelano le go tlotlana ka dinako tsotlhe gore ba kgone tema e ba e itshegetseng ya go bona ba dira pharologanyo mo matshelong a batho ba kgaolo e ba direlang mo go yone. Kwa moletlong oo wa ditebogo, Kgosi Simon Nkgageng o ne a lebogela morafe go bo o ne wa nna tsebe-ntlha-go-utlwa fa Tautona a itela mo Batswaneng go ema ka dinao go rapelela pula. O kopile morafe go ikemela ka dinao go bona gore lefatshe le le humileng le tlhabolola matshelo a bone, a tlatsa ka gore eseng jalo ba tlaa thanya lomapo lo le tsebeng. Tautona o ne a ba abela madi a a kanang ka P10 000 mme a ba solofetsa go tswelela a ba thusa go ya pele. O tsweletse ka gore bangwe batsadi ga ba ke ba kgalemela bana ba bone fa ba sa dire sentle ka ba tsaya gore ba a ba rata ga ba batle go ba utlwisa botlhoko. Pula e e neng e patilwe ke diphefo le sefako ka Labobedi e tlogetse tshenyo kwa metseng ya Morwamosu le Mabutsane mo kgaolong ya Borwa. A re go le gantsi o bereka le mekgatho e e ikemetseng ka nosi le batho fela ka bongwe ka bongwe. A re setlhopha sa volleyball sa basetsana se ne sa dira sentle kwa dikgaisanyong tsa BISA kwa bangwe ba le babedi mo setlhopheng seo ba neng ba fiwa dietsele. Mme Jimmy o boletse gore melemo e ka tswa e sena tiro e e kalo fa e dirisiwa mme go nna go tla mabaka mangwe a a sa siamelang botsogo kwa morago. Modulasetilo wa bomme ba ga Marea Mmajesu, Mme Kelelelo Tumaeletse o tlhalositse fa lefelo la Grotto le fitlhelwa fela mo kerekeng ya Keresete Motswedi mo lefatsheng leno le a a kwa ntle. Fela a re o namediwa pelo ke gore kgwebo ya mofuta o, ga e ntsi mo motseng, ka e dirwa ke ene le ba bangwe ba le babedi fela. Go ya ka Rre Puku, se se pharologano ka kgwebo ya gagwe ke gore o phuthela dijo tse a di silang mo madirelong a gagwe a bo a di rekisa. A re ba itebagantse thata le ditiro tsa botlhoka tsebe mo bananeng, di akaretsa go inaakanya le tsa marato ntleng ga lonyalo, go goga motsoko, go nwa bojalwa le tiriso ya ditagi, bogolo jang motokwane. Re ne ra rotloetsa mowa wa tshwaragano, go aga setshaba se se kitlanyeng. O gateletse botlhokwa jwa go tshwaragana ka gore go itsa mohoholela wa mekgwa e ka kgaoganyang batho ba utlwana. Lesenepole ke motse o o agilweng ka dikgotlana tsa tetlanyo di le nne, ebong Matoposana, Raphiri, Moremi le Lesenepole tse tsotlhe dikgosana tsa teng di leng mo maemong a le mangwe, mme go supega go tlhokega gore go nne le kgosi ya maemo a magolwane e e ka okamelang dikgotlana tse. Ka nako eo re ne re lema merogo ya rona re rekisetsa batswakwa ka e ne e le bone b aba neng ba kgatlhegela merogo thata, mme e bile ka nako eo re ne re rekisa ngata ya morogo ka botlhano, mm era tswelela fela jalo ka bopelotelele,. Mme Sisila o buile jalo ka letsatsi la segopotso sa bolwetse jwa HIVAIDS, a tlhalosa fa kgaolo potlana ya Tutume e na le batho ba le 36 750 ba ba tshelang le mogare mme mo go bone ba le 15 959 ba le mo diritibatsing fa ba le 20 791 go lebeletswe seemo sa bone mme bontsi ele bagolo. Le fa go ntse jalo, o ne a rotloetsa batlhophi go somarela dikarata tsa bone. Dilo tsa go nna jaana di ka tsisa lesedi, tsholofelo le go ikamogela, mme ba ba amegileng ba tsoge botoka. E rile a bua mo potsolotsong morago ga go etela ditiro tsa nyeletso lehuma di le lesome kwa metseng ya Hatsalatladi le Mahetlwe, Mothusa Tona wa tsa Madi le Ditogamaano tsa Ditlhabololo, Rre Vincent Seretse, a lebogela kgatelopele e e supagetseng segolo jang kwa Hatsalatladi. O tlhalositse fa gantsi dipeo tsa ditlhare tsone di bonala mo di jarateng mme a kaya fa nako e ntsi fa a bona peo e a e tlhokang o tsena mo lwapeng leo go kopa tiro ya go feela ka maikaelelo a go kgobokanya dipeo tseo. Ka jalo o ne a gwetha bomme go leka ka bojotlhe go sa kgobera borre maikutlo gore go rene thitibalo le kagiso mo malwapeng. Banana ba ikgatholosa ditlhopo O tsweletse a re ntlo ya Kgosi Sechele 1 ke yone konokono mo kgodisong tshomarelo ya ditso le ngwao ya Bakwena. Ba boletse fa mananeo a tshwana le a thuo ya dikgomo tsa masi le bontshe a tshwanetswe go tlhoafalelwa ka jaana a ka thusa Batswana fela thata. O rile dikarata tseo ke tsa boleng jo bo kwa godimo tse di ka sekeng tsa itirelwa motlhofo. Ga ke dumele. Fa a bua mo boemong jwa bomme ba kereke, modulasetilo wa bokopano jwa Southern Dinnery, Mme Tikologo Kenosi, o tlhalositse fa ba na le matshego a ba dirang ka one mo kerekeng, e leng a botho, borapedi le boaposetoloi. Modulasetilo wa tBotswana Teachers Union Funeral Funds (BOTUFF) Mme Gasethokwe Phirinyane ene o ne a tlhalosa fa maikaelelo e le go fa barutabana ba ba tlogetseng tiro seriti se se ba tshwanetseng ka nako ya fa ba fuduga mo lefatshing le le ka kwano. Fa a tswa la gagwe, mothusa mogokgo, Mme Bowelo Kesianye o supile fa mo nakong ya gompieno go le thata mo go bone go direla baithuti teko ka motshine o ba o dirisang o senyegile. Mananeo a ka nowa moro Beng ba dipolase tsa Sheerwood le tse di mabapi ba akgoletswe seabe sa bone mo go lwantsheng kanamo ya mogare wa HIV. A re ditiro tseo di botlhoko ka di kgona go senyetsa ngwana bokamoso, mme a kopa ba ba amegang mo ditiragalong tse go emisa tiro eo. O kopile ba ba isang bana ba bone ko dikoleng tsa sekgoa (English medium) go ba buisa Setswana fa ba le kwa malwapeng go itsa gore ba latlhegelwe ke puo ya Setswana. A re dikgang tsa kgokgontsho ya bong di tsweletse ka go kekela mme seo se supa fa bontsi jwa batsadi ba latlhegetswe ke tsela e e siameng ya kgodiso ya ngwana. Rre Batshu, yo gape e leng tona ya pereko le selegae, o tsweletse a bolela fa tsela ya Goshwe e sa akarediwa mo lenaneong la ESP ka e ne e sa akarediwa mo mananeong a ditogamaano tsa ditlhabololo mme e tlaa nna mangwe a mananeo a a tlaa bong a beilwe leitlho mo ditogamaanong tsa ditlhabololo tsa setshaba tsa lesome le motso. E rile aa fa tekodiso ya tsa komiti ya twantsho borukutlhi ( Cluster Policing) modulasetilo wa wa komiti Rre Tshokodiso Keitlhokile a kaya fa e rile mafelong a ngwaga gotswa ka kgwedi ya Phalane go tsena ya Sedimonthole, bane ba nna le lenaneo lago tsenelela dipuisano le banana ba Borakalalo goba gakolola go ikgapha mo borukutlhing. Superintendent Sitale a re ba sa ntse ba le mo patlong ya banna bao, ka jalo ba kopa setshaba go ba loma tsebe fa ba bona borre bangwe ba dirisa madi botlhaswa mo go belaetsang. Gape a re o na le tshepho ya gore ba bangwe ba tlaa tsaya malebela mo go bone, ka jalo a gwetlha ba kgaolo eo go ba bulegela ba ba thusa fa go tlhokafalang teng, e le ka maikaelelo a go dira ba le setlhopha se se ntshang maduo sa lephata la banana, metshameko le ngwao. A re ba ne ba dira jalo ka go tlhopha bana ba ba tshwarang ka bonako ba bo ba ba golaganya le ba ba tshwarang ka bonya mo ditlhopheng, a re seo se ne sa ba berekela. BOKHUTLO O boletse gape gore ba kolotwa P1 945 e le madi a dituelo tsa matlo a VDC a batho ba ba tsamaileng le a ba ba leng teng e leng P2 120. Rre Rapoo a re, go ikemela ka nosi go a letlelelwa, a tlatsa ka gore se ba ka se dirang ke go kwalela ba ofisi ya ditlhopho ba bo ba tlisa le sekano sa bone. Banni ba Letlhakane mo kgaolong potlana ya Boteti ba kopilwe go thusa lekoko la kabo ditsha le le romilweng ke tona wa ditsha go sekaseka kgang ya bomaipaafela. Arch Bishop Mereyabone o boletse fa e ne e le la ntlha ba abela setshaba, mme a supa fa ba setse ba simolotse tema e ba tlaa tswelelang ba e diragatsa le go e tsweledisa ngwaga le ngwaga. Kgosi Roger Lekgothu wa Ghanzi o rotloeditse setshaba go tsaya lenaneo la Re a Nyalana ka tlhwaafalo ka jaana a dumela fa le le mosola fela thata ebile le thusa go kganela go nna mmogo ga baratani ba sa nyalana. Ba gwetlhile puso go aga sekganedi kwa terateng e e kgaoganyang leruo le diphologolo go le itsa go kopakopana le dinare tse di bakang bolwetse jwa tlhako le molomo. Ba le 26 000 ba ikopetse Tirelo Setshaba A re ditiragalo tse di tshwenya fela thata ka di ama banana thata, ba e leng bone bokamoso jwa lefatshe leno. Mafoko a, a boletswe ke modulasetilo wa lekgotla le lebotlana la kabo ditsha la Letlhakeng, Mme Tshoganetso Gabotlhakanelwe, kwa bokopanong jwa bone le makhanselara a kgaolo-potlana ya Letlhakeng. Mopalamente Kwerepe gape a re banni ba kgaolo ya Nhabe fa ba ka inaakanya le mohama wa bojanala ka go tlhama makgotla, go ka ba tokafaletsa matshelo jaaka go diragala ka banni ba metse mengwe ya Okavango le ya Maun. O boleletse morafe gore ba tshware ka thata kwa masimo ka gore ke maikaelelo a puso gore batho ba leme mme ba kgone go ijesa. A re bone ba lesego ka maranyane a ba tokafaleditse tiro ka ba na le motlakase go ka bala go na le bogologolo. O tlhalositse fa a bapatsa kgwebo ya gagwe ka go bua le batho ka yone gongwe le gongwe kwa a yang teng, e bile a tsweletse ka go batla methale e mengwe ya go e bapatsa. Mogwebi yo, a re dithunya tsa gagwe o di reka kgakala fa gongwe e re di tla go goroga mo madirelong di bo di senyegile ka jalo a ikuela mo Batswaneng go ka bona se, e le monyetla go lema dithunya gore bagwebi ba tsone ba di reke bogautshwane go sena ditshenyegelo tse di kalo. Kgosi Ramosinyi Radipitse wa Tonota o ikuetse mo setshabeng go emisa kgokgontsho ya bagolo kwa masimo. O tlhalositse gore mooki Nighitngale e ne e le mooki yo o pelotlhomogi, a tlatsa ka go gakolola baoki ba ba neng ba tsile moletlong o, go nna lerato mo tirong ya bone le fa ba thusa bagodi. Mme Mpole o boletse fa a kopa motshetelo wa dijwalo mo merakeng le masimo a a mabapi le ene, mme a lwantsha diji mo dijwalong ka go dira motswako wa go tsenya kwii mo metsing abo e tswa matute mme a tlhakanye le pherehere e e lore e a e rekang ko shopong mme a tshele mo dijwalong tsotlhe, a re go dira jalo go mmerekela fela thata ka a tshaba go koba diji ka melemo ka a kgona go rekisa tsatsi le letsatsi. Mokhanselara wa Senyawe, Rre William Tatose le ene o ne a ema nokeng tshutiso eo, a bolela fa dikomiti tsa batsadi le barutabana di sa le di nnile teng mme seabe sa tsone mo go godiseng mhama wa thuto se sa tshwanela go ka tlodisiwa matlho. Magosi a rotloediwa go tsenya letsogo mo thutong O ne a kopa bakgweetsi go tsenelela dithuthuntsho tsa thuso ya potlako ka e le mosola thata mo matshelong a bone le setshaba ka kakaretso. Khamphani e abela baithuti paka A re ka tshwanelo e ka bo e le bone ba akolang metsi ao go na le metse e mengwe mme jaanong ke bone ba le mo mathateng a letlhoko la metsi. A re go molemo go itse bomolemo le bomaswe jwa lenyalo le motho a tseneng mo go lone le khansele dingwaga di le 20 tsa dituelo tsa lenaneo leo. Fa a bua le A re bangwe batsadi ba feletse ba isiwa fa pele ga lekgotla la Setswana ke dingwe di PTA ka ntlha ya go palelwa ke go duelela bana madi a ba a dumalaneng le ntswa e se a sepe. A re go a swabisa ka banana ba kgona go ya dibareng ba sena madi mme ba ya go tsenya lesukuru. Mme Kavurase-Sedio a re ga ba eletse go bona mme yo o imileng a kgoberegile maikutlo ka seemo seo se ka ama botsogo jwa gagwe ga mmogo le jwa losea. Mofufutso wa phatla o a busetsa Kgosi o buile fa ditsheko le manyalo di tla a bulelwa kgwedi ya Hirikgong e le malatsi a le lesome le boraro ngwaga oo tlang. A re fa mogare le bolwetse bo simologa go ne go sena se se thusang mme batho ba le bantsi ba ne ba latlhegelwa ke matshelo mme morago puso e ne ya simolodisa lenaneo la dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV/AIDS. Mo potsolosong le ba lekalana la dikgang kwa Serowe, mothusa molaodi wa Serowe, Rre Onalenna Daniel o tlhalositse fa ba berekisanya le ofisi ya ga mmaboipelego kwa motseng oo go sekaseka seemo go bona ba ba tlhokang go thusiwa, ka dijo di sentswe ke metsi, diaparo le dikobo le tsone di kolobile. O tlhalositse fa ba tlhoka thotloetso ya batsadi kwa dikoleng. O boletse fa makalana a LEA le CEDA a le botlhokwa thata mme a kopa morafe go ikaega ka one tebang le tsa kgwebo, bogolo jang la LEA. Fa a tlhalosa, mopalamente a re, puso e ne e akantse go dira ditsela di le masome mane le bobedi ka lenaneo la ESP mme ka ntlha ya tlhaelo ya madi puso ya tsaya tshwetso ya gore go tlaa dirwa ditsela di le lesome le bone fela. Thuto puisano e ne e tsenwe ke maphata a botsogo le boitekanelo le ba kokelo ya banana, ba sepodisi sa Botswana gammogo le mokatisi wa tsa setho. Fa a bega ditanka tseo, Rre Jacob Sesinyi, yo o boletseng fa e le mogakolodi wa Choppies, o ne a re le fa di sa lekana, di tlaa thusa. Thibelo borukhutlhi ke maikarabelo a botlhe A re ka jalo ba boloditse letsholo la go tshwara batswakwa ba go nna jalo e bile ba setse ba tshwere ba le masome mararo le botlhano ba ba tswang Zimbabwe. Rre Tshekiso a re ngwaga ono ke wa ditiragalo ka e bile lefatshe leno le tlaa bo le ya ditlhophong, ka jalo mapolotiki le setshaba ka kakaretso ba solofetse go le gontsi mo go bone e le badiralapuso go bona gore Batswana ba bona ditirelo ka tshwanelo le ka nako. A re batsadi ba bana bao ba ne ba sa kgone ditshenyegelo tsa go pega bana letsatsi le letsatsi ka ba le ’ikobo dikhutshwane. Ba Boteti ba re dituelo di a diega O gwetlhile balemi go inaakanya le temo monongwaga ka dipego di supa fa pula e le ntsi. Mo potsolotsong le BOPA, moanamisa mafoko wa sepatela sa Palapye, Mme Mpho Modibedi o rotloeditse bomme go ikgogela kokelwaneng eo go itlhatlhobela kankere. A re ba maloko a diphathi tsa bone tsa sepolotiki ba ikaelele go lwela lefatshe la bone e seng sepe gape. Molaodi wa kgaolo potlana ya Serowe, Mme Chabongwa Matseka, o gakolotse banni ba dikgotla tsa Mere le Morula mo Serowe gore leruo ga le a tshwanela go nna mo motseng. Mme Ntebele o ne a rotloetsa boora Balo go sola molemo dimpho tseo, a ba gwetlha go lema merogo go leka go bona letseno lengwe la go itshidisa le ba lelwapa la bone. Mopalamente wa Nkange, Rre Edwin Batshu a re go solofetswe go agiwa kokelo e e nang le malao a le masome a supa ka thulaganyo ya lenaneo la go rudisa itsholelo (Economic Stimulus Programme) go arabela selelo sa mosuke kwa kokelong ya Tutume. A re dikgang tsa gore o rile ga go na mapodisi mo motseng ga se nnete, ene o tlhalositse gore ke eng mapodisi a tlhola a ntse mo kgotleng asa ye go patorola mo motseng. A re go na le dintlha tse tharo tse di botlhokwa mo lenyang e leng tlotlo, therisano le go direla mokapelo wa gago bomolemo, a supa fa dintlha tseo di godisa lorato mo lenyalong e bile di rotloetsa go tshepana. A re bangwe ba ba amegileng ke batho ba ba kobo dikhutswane fa bangwe e le dikhutsana mme a botsa khansele gore bone bao ba ya go thusiwa jang. Rre Ramokate a re boeteledipele jwa lephata bo lemoga thata fa babereki ba lephata leo ba le botlhokwa, a re ke ka moo ba lekang go supa seo ka gone go ba rulaganyetsa mediro e tshwana le oo, ka jalo a gwetlha babereki ba dikgaolo tsotlhe go nna le boineelo mo tirong go ntsha maduo a a bonalang. Rre Nelson Matara ene o ne a kopa gore ba fiwe koloi ya ditonki e e tla isang bana sekolong letsatsi le letsatsi ka ba tsamaya sekgala se se leele go ya sekolong se se botlana sa Mogonono. Dipolase tseo tsa temo le thuo go bolelwa di tlaa phatlaladiwa semmuso ka kgwedi ya Phukwi. Mookamedi wa matlhabelo a Botswana Meat Commission (BMC) Dr Akolang Tombale, a re o tshwenngwa thata ke tsela e bontsi jwa baruakgomo ba latlhelelang leruo bogolo jang dikgomo mme e re morago ga seo ba bo ba supiwa ka monwana gotwe BMC ga e dire sentle kana gotwe e a palelwa. Mookamedi wa kereke eo mo Botswana, Rre Gasemosarwa Lebati o ne a tlhalosa fa kereke e le botlhokwa ka e thusa puso mo go ageng batho go iphapha mo dilong tse di bosula, ka jalo a re bokopano jwa bomme bo mosola thata ka bo tiisa mo tumelong le go tsamaisa malwapa a bone sentle. A re mo ngwageng ono dipalo tsa dititeo di dintsi ka go setse go begilwe ditiragalo di le masome a mabedi le bone ka Tlhakole fa ka Mopitlo ba nnile le di le lesome le borobabobedi. Bagwebi ba ba botana ba amogela madirelo a magolo O buile gore fa banana ba ka tlhoafala ba dira temo ngwao ya bone jaaka ba rutilwe, kgaolo ya Morolong e ka tlhabologa. Mme Kepaletswe o supile fa maduo a sekole sa bone a sa jese monate mme ba bone go le botlhokwa go kopana le batsadi gore ba tle ba thuse go tswa ka tharabololo. Morutabagolo Mme Hwisiso Moffat o tshwaetse fa bangwe bagolo ba supa fa ba nyoretswe go itse go bala le go kwala. Mme Ntau o kaile fa e le mosola thata bogolo jang mo dipoding ka di ntsha mashi a mantsi mme seo se thuse dipotsane gore di gole ka pele di itekanetse. Godimo ga moo a re o tlotlomatsa bophepa mo kgwebong ya gagwe go itsa tlhagogo ya malwetse a a bakiwang ke leswe mo dijong le tikologo. Mme Kedidimetse a re go nna teng ga motshine wa X-ray mo Palapye, go ba fokoleditse mosepele wa go ya Serowe le Mahalapye.O tsweletse a supa fa kokelwana ya bone ele kgologolo jalo e tlhoka go shafadiwa. O boletse fa a simolotse a lema ditlhare abo a lema merogo mme morago ga moo aya go bona mmapoipelego le molemisi a ba bitsa go bona tse a di lemileng mme ka seo a bona thotloetso ya lenaneo. A re ba ne ba kgona go thusa ka ditante tse dikgolwane di le tlhano gore ba ba wetsweng ke seru ba kgone go baya tlhogo. Legadima le gaila dihutshane O tlhalosetse fa a ne a tsaya nako e ntsi go bopa ka gore o ne a batla gore mmu le boloko di ome pele, e bo e le gone a tswelelang ka go di tshuba gore di lebege jaaka a batla. Dr Venson-Moitoi a re motsadi ga a a tshwanela gore a re ngwana o a mo palela e le wa gagwe, ka jalo o tlaa bo a se molato go ipeela melao mo lwapeng gore ngwana a tsene mo tseleng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Russian Gakeolope, o boletse fa mo nakong e e fetileng ba ne ba na le mapodise a le mararo, mme mo bogompienong ba setse ka ba le babedi. Rre Thuto Chepete wa Jwaneng ke mongwe wa Batswana ba ba dumelang gore matlakala a ka tshetsa motho. Banni ba kgotla ya Tsopeng ba kopile mmatoropo le makhanselara a gagwe go dira tshutiso ya gore melao ya pereko e fetolwe ka jaana ya gompieno e baya babereki ka fa mosing. Banana ba bonya go dirisa mananeo Dietsele tse di neng tsa abelwa bangwe ba badiredi ba lephata la Matimela di akaretsa seetsele sa lesaka le le gaisitseng mme khansele potlana ya Tutume e ne ya tsaya maemo a ntlha ka lesaka le le kwa Nata le bitswa Marulamantsi. Kgorogo ya mabentlele a magolwane mo lefelong e lejwa e le tlhabologo e e tlaa tlhamelang banana ditiro. Wa kgaolwana ya Qangwa/Xaixai Rre Lelejwang Sokwe o supile fa kgang eo e tshwenya e bile e sa tshwenye ka gore batho ba le bone ba ne ba itlhokomolsa tsamaiso le dikgakololo. Go tlhalositswe fa leano la go tlhama mokgatlho le dule ka Mme Sylvia Kgosiemang ebile ele morulaganyi mo mokgatlhong. A re dirukutlhi tse, fa gongwe di itira jaaka badiri ba lephata la metsi kgotsa la motlakase. Fa a nankola mananeo a tshwana le a Livestock Management Infrastructure Development (LIMID) le Youth Development Fund (YDF), a re a lole ntwa ya dira ga di bonwe ka go pepetletsa matshelo a Batswana ka nako ya fa ramatheka a tlhasetse. A re go tlhoka tshwaragano le tirisano mmogo ya motia fagare ga babueledi le barongwa ka bobedi jwa bone ba tlhokana gore tiro ya bone e tswelele. Fa a buisa Khansele mogolwane wa kompone eo Rre Seabe Mabua o tlhaloseditse makhanselara fa ban a le matshwenyego a tshwana le gore didiba tse dingwe tse di nosang metse di a kgala. O tlhalositse fa matlo a boroko jwa barutabana a tlhaela, a tlatsa ka gore mangwe a setse simolotse go tokafadiwa gore a nne mo seemong se se botoka. A re ba ba rekang mo go ene ba kgona go mmolelela gore ba batla eng mme a bo a se dira. Leloko le lengwe la BHPPF Mme Masego Kgathola le ene o ne a gatelela maikaelelo a mokgatlho wa bone a go thusa batho go inoga mo lehumeng. O buile jalo ka kwa bokopanong jwa ba-na-le-seabe kwa Molepolole, jo boneng bo tsenwe ke megokgo ya dikole, mapodisi, ba lephata la thuto le dikgosana tsa motse. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya didirisiwa ka ba kgona go nna sebaka ba sena metsi,motlakase mo diofising tsa bone dilo tse a supang fa e le sekgoreletsi mo go iseng ditlamelo kwa morafeng bonolo. Modiri wa botsogo go tswa kwa lekalaneng la DHMT, Rre Mogomotsi Samson, o ne a bolela fa bolwetse jwa COVID-19 bo anama go tswa mo mothong go ya kwa go yo mongwe. Go ya ka tsamaiso ya khansele-potlana ya Palapye, ngwaga mongwe le mongwe wa madi, go tlhophiwa batho ba le lesome go tswa mo kgaolwaneng nngwe le nngwe ya mopalamente go thusiwa ka lenaneo la kago ya matlo le le tlwaelesegileng ka Turn Key, le puso e le tshwaraganetseng le Botswana Housing Corporation (BHC). Fa a tlhalosa Rre Kapeko are gone go sena tshaolofelo epe ya gore batho ba tle dika ba robile lengwe mo masimong ka ntlha ga dipula tse di boutsana le seemo sa mogote se se ko godimo mme fela a re mo masimong a ga Rre Marutshe seemo ke se se pharologano. Kgosana Sephiri, yo o tswang kgakala a bua phatlalatsa ka seemo sa gagwe sa mogare, o ne a supa fa a setse a na le dingwaga di le masome a mabedi le boraro a tshela le mogare. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, mokwaledi wa khansele potlana ya Okavango, Rre Keletso Baraedi o tlhalositse gore bokopano bo tsaya metsotso e le masome a mararo mo mosong mme ga bo a itebaganya le thapelo fela, bo rotloetsa gore badiri ba kopane go itsane le go tshegetsana mo mabakeng a a farologaneng a botshelo. Mme Nthabi o kaile fa kgokgontsho ya bong e bakwa ke go tlhoka kitso ka kgokgontsho le thibelo ya yone, mo a gateletseng fa ele one modi wa kgokgontsho ya bong. Mma Segomotso a re fa e sale a simolola go jesa loruo lwa gagwe furu eo lo nonofile e bile lo ntsifala thata. A re kgotlhang gantsi e tsoga fa rre a leka go laola ngwana yo a mo fitlhelang mme ngwana le ene a batla go supa fa rre yo e se rraagwe selo se se feletsang se gogela kwa kgokgontshong. A re ka kgwedi o duela lekgolo le masome a robabobedi le bosupa a dipula mo lobakeng lwa dingwaga tse di masome a mabedi, mme a tlatsa ka gore madi a duelwa fela ntle le morokotso ope. Kgosi Maforaga a re go nna mmogo ga ga mme le rre ba sa nyalana ka fa molaong go borai, ka gore ke gone mo go dirang gore baratani ba bolaane fa ba na le tlhoka kutlwisisanyo ka ba sa laiwa ka nyalo le go tshela mmogo. O tlhalositse fa a ne a tsenelela dikgaisanyo tsa Thapong Arist of the Year Award ngogola mme le fa a ne a sa fenya kgaisanyo eo o ne a seka a kgobega marapo a tswelela ka go dira ka thata mo botaking jwa gagwe. O boletse mo diphuthegong tse a neng a di buisa kwa metseng ya Dibete le Bonwapitse bosheng gore maikaelelo a go simolodisa lenaneo la go rudisa itsholelo ke tsela nngwe ya go rotloetsa Batswana go tsena mo dikgwebong tse di ka bulelang ba bangwe diphatlha tsa mebereko le go tswakanya itsholelo. Rre Baumake yo gape e leng moruti wa kereke ya Apostolic Faith Mission a re moono wa bone e le ba lekgotla la baruti mo ngwageng ono ke go dira pharologanyo ka thapelo ba kopa Modimo go emisa masula ao a a gomagometsang go nyeletsa kagiso le thokgamo e lefatshe leno le itsegeng ka yone. O tlhalositse fa kgwebo e ikaegile ka go rekisetsa sekole se sebotlana sa Ntlhantlhe dilofo di le 49 beke le beke le batho ka bonngwe ka bonngwe mo motseng. Ke ne ka leletsa rre wa lepodisi, yoo neng a tlhokometse matlhophelo, Rre Ratanang Gaoakanye ke mo itsise ka gore ke lepodisi la rona mo Moralane, ga tlhalosa Rre Diphuhang. Ba Mogapinyana ba amogela dimpho A re gore mmutla o ntshe maduo, o tshwanetse go o fa lorato le go o tlhokomela ka furu e e rekwang kwa BAMB, matlape a merogo, mmidi o o bidisitsweng le metsi. A re ga se lantlha ba abela sekole ba tswa kgakala ba nste ba se thusa ka tse di amanang le thuto. A re go botlhokwa gore batsadi ba itsese barutabana ka malwetse a bana, le melemo e ba e nwang gore barutabana ba kgone go nna le seabe mo go thuseng gore botsogo jwa ngwana bo nne bo siame. Mme gape ba tshwanetse go patiwa ke motsamaisi wa ditlhopho go tlhomamisa gore ba ba thusang ba dira dikeletso tsa bone. O buile jalo kwa kgotleng kgolo ya ditsheko mo Gaborone ka Laboraro fa a ntsha bosupi mo tshekong e mo go yone, Rre Mogalakwe Mogalakwe wa phathi ya Alliance for Progressives (AP) a ikuelang kgatlhanong le maduo a ditlhopho tsa setshaba tsa ngwaga wa 2019 tsa kgaolwana ya bokhanselara ya Mosolotshane/Moralane kwa kgaolong ya Shoshong. Ka nako ya ditshupo tsa botaki ke ithuta go le gontsi mo bataking le badiragatsi. Rre Gakeresepe Moepele wa masimo a Dikole, o lebogetse maiteko a puso a go thusa Batswana ka ISPAAD, a supa fa go le botlhokwa gore balemi ba tseye mananeo ao ka tlhoafalo gore a ba solegele molemo.Bokhutlo O boletse gore ka nako ya Dipula, o ne a tswenwa ke bohutsana jo bo feteletseng ka a ne a sa farologane gope le le nonyane mo sentlhageng. Molaodi o ne a gatelela ka go re ngwaga ono ke wa ditiragalo tse dintsi tsa go sekaseka mananeo a ditlhabololo tsa dikgaolo le tsa setshaba (DDP8 le NDP11) ka jalo a ba kopa go nna le seabe se setona go bona gore tiro eo e tsamaya sentle e bile e nna le maduo. Rre Oats yo e leng moeteledipele mo setlhopeng se o boletse fa ba ne ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo go ntsha P200 go tswa mo dipateng tsa bone mme ba kokoanya madi a a kanang ka P3600 a e leng one a ba kgontshitseng go abela balwetse bao ba le masome a mabedi le boraro dimpho di akaretsa maungo,melora e e tlhapang, marache le melora ya meno (legano) mesangwana ya batsetsi, dintshwana tse di dirisiwang mo sepateleng le tse dingwe. Fa a bua mo boemong jwa ga Rre Samson Guma yo a leng mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Tati Botlhaba, modiri kwa ofisisng ya mopalamente, Rre Mpaphi Zibochwa o ne a supa fa go swabisa go bo tshologelo ya morafe e sa nna e e kalo kwa tirong eo. A re phaephe e fa e ka thubega ga go ye go siama sepe. O kaile fa ba FNBB ba ntshitse dimpho tseo ka maikaelelo le ka nako e e tshwanetseng gore bana ba sekole seo ba tle ba kgone go itshireletsa mo pakeng e ya mariga ka batsadi bangwe ba sa kgone go rekela bana ba bone ditlhako botlhe. O tlhalositse fa go tlhoka boikarabelo ga bakgweetsi go gakatsa dikotsi tsa tsela mo go felelang go koafatsa le go gapa matshelo a batho. Mme o ne a seka a mo itsapela, a mo dira tshipidi tonto go fitlhela a itse ka tse di tlhokegang mo go lemeng merogo. Mme Matenge o supile fa sengwe se se mmerekelang thata e le go bo a nna a hirisetsa dikompone tse di farologaneng ditlhare tsa mekgabisa go kgabisa ka tsone fa ba tshwere ditiro tse di rileng. O supile fa a itshetsa le ka dinotshe ka go rekisa mamepe a tsone, mme a di tlhokomela ka dithunya tsa sonobolomo. Mafoko a, a builwe ke mogolwane wa lephata la thibelo malwetse, Mme Sally Ngwako, kwa pitsong ya botsogo e e neng e rulagantswe ke ba Serowe District Health Management Team kwa Sehunou bosheng. O tlhalosa gore fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho, temo-thuo le yone e na le tsa yone. Le fa gontse jalo rre Van Der Westhuizen o laetse ofisi ya ga molaodi go batla tharabololo ya kgang e mme ba lekodise ba ba amegang mo nakong e e sa fediseng pelo.Kgosi Kgabo o bile a lela ka seemo sa tsela ya Medie/Lentsweletau gore ga e tsamaege bogolo jang ka dinako tsa dipula. O bile a a bolela fa ba kopa gore go okediwe babereki ba ipelegeng,ba kopa koketso ya kokelano go na ee belegisang,ngaka le koloi ya kokelano. Morutabana wa lekwalo la bosupa, Rre Rebaone Mosarwa e ne ya re a tswa la gagwe a supa fa go ruta bana ba lekwalo la bosupa e le kgwetlho, mme fela a re go tlhoka boineelo le kemo nokeng ya bodiredi jotlhe le ba e seng barutabana tota. Kgosi Charles Letsholathebe o boletse fa Rre Dithapo a ka se kgone a le esi jalo a tlhokana le kemo nokeng ya morafe. Tona Maele o ne a bua jalo kwa Goo-tau mo Tswapong bokone kwa a neng a abela Mme Tshegofatso Monnawatlala ntlo e a e agetsweng ke ba lephata la Matimela ba kgaolo ya legare ka Matlhatso (March 28). Babereki ba Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba ne ba tshwere moletlo wa dijo tsa maitseboa kwa Masunga kgwedi eno e le malatsi mararo kwa. Mo tiragalong e nngwe, o boletse fa ba tlhotlhomisa kgang e mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro a ngatilweng ke segopa ka matlapa bosigo a tswa maitisong mo Ramotswa. A re go tlhoka go tsaya karolo mo thutong ya bana ga batsadi go imetsa barutabana tiro ka jaanong bana ba sa kgone go ithuta sentle kwa malapeng. O kopile banni ba dinokeng go ikanya temo-thuo ka e ka tsisa pharologanyo mo matshelong a bone. Mmuso wa re o itlamile gore nako le nako o bo o lekodisa bodiredi jwa one, b aba amegang le sechaba ka diphetogo tse di amang dituelo le mabaka a bodirelapuso. A re fa e ne e se dikgwetlho, maikaelelo a gagwe ke gore maphata a itshireletso a seka a tlhoka ditsompelo gore maikaelelo a bone a seka a retela. Kgosi Kegobonye Maruping wa Moshwaweng mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng o akgoletse lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Letlhakeng tirisanyo mmogo. Bobedi jo bo lebogetse dikgaisanyo tse ka ba re di ba fa sebaka go ipapatsa. A re ditlhopha tse ke bana ba Kanye mme e bile ba tlaa bo ba diragatsa ka boithaopo fela. A re go makgetho a le mmalwa mopalamente wa kgaolo ya Borwa Botlhaba Borwa, Rre Odirile Motlhale, a tsamaya a buisa dipthuthego tse banana ba sa di tseneleleng. A re kgwebo ya gagwe e ene e goga ka thata ka ntlha ya go rekisetsa mo lwapeng mme a simolola go latela bareki kwa malwapeng, dikoleng le kwa kokelong mme mo nakong eno o kaya fa a bona dipoelo tse di nametsang e bile a simolotse go apaya selekanyo se segolwane mo go se a simolotseng ka sone. Rre Mautle o tlhalosistse fago itshwara sentle ga banni ba, go nnile le seabe mo go reng tsamaiso yaditlhopho tsa bopalamente tsa Good Hope -Mabule e tsamae ka thelelo go senabothata bope . E re ka go lemosegile fa kgaolo ya Kweneng e dira sentle mo mananeong a tsa thuo bogolo jang ya dihutshane, banni ba kgaolo eo ba gakolotswe go tsibogela lenaneo la ISPAAD e e faphegileng ka bontsi, le le sa tswang go simolodisiwa bosheng ka le akaretsa thuo. O supile fa mafatshe a a amilweng ke bolwetse joo a akaretse Nepal, Thailand, Singapore, Malaysia, Australia, Canada, Italy, France, India, Russia, Spain, Sweden, Germany le Finland. Mme Mannathoko o ne a popotha legetla ba FNBB a kaya fa ba dirile tiro e ntle ya mowa wa kutlwelo botlhoko le lorato thata ka nako e e tshwanetseng ka e bile go le paka ya mariga a a boletseng fa e le bogale thata mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa. Rre Samson o ne a bolela fa dikai di ka gatelela batho ba masole a bone a mmele a leng kwa tlase, bagodi, batho ba malwetse a a sa alafesegeng le ba malwetse a mafatlha. Fa a ntsha la gagwe, mongwe wa bana, David o ne a lebogela se lekgotla le se mo diretseng fa e sale a latlhegelwa ke motsadi. O ne a tswelela go rotloetsa stshaba ka kakaretso go tsenya letsogo mo thutong. A re go ne ga latela kgaolo ya Tonota kwa go neng ga agelwa motlhoki ntlo kwa motseng wa Gojwane. Fa a amogela thomo, Rre Mere o ne a re o itse gore mo botshelong ga go na motho yo o ratang dikgosi ka di sa rate botlhoka tsebe le bogodu. Kgosi Mankgatau a re le bone e le magosi mo kgaolong ba dumelane gore magosi a motse mongwe le mongwe ba agele monalebogole wa motse wa bone ntlo. A re ere ka lefatshe leno le ikaegile ka temo-thuo, ke sone se mmuso o thusang Batswana ka lenaneo la ISPAAD le lenaneo la LIMID go tokafatsa seemo sa temo-thuo e bile a bolela fa mmuso o abela lephata la banana, metshameko le ngwao madi go rotloetsa banana go simolola dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone le go tokafatsa seemo sa matshelo a bone. Baithaopi ba, ba ba tswang mo mafelong a a farologaneng mo Botswana, ba rutuntshiwa ke lekgotla la mafatshefatshe la sefapaano se sehibidu, ofisi ya dibetso tsa tlholego le mokgatlho wa sefapaano se sehibidu wa Botswana. O kopile balatedi go ba ema nokeng ka madi le sepe fela se ba nang le sone. A re seo ke kgatelopele e tona e e tshwanelwang ke go lemogwa le go itumelelwa ke botlhe. One a tswelela ka go lemoga fa mohero a tlolela ona le nedi ee sa emiseng go tlhoga mme ba o lwantsha ka go ntsha medi e gona le go e kgaola. A re mmelaelwa ke motho waLetlhakane mme o dingwaga di le masome a mararo le bobedi. A re dingwe tsa ditiro tse di solofetsweng go dirwa ka lenaneo leo ke yone kago ya kokelo, ditsela tse di fa gare ga motse le go isa ditlamelo kwa ditsheng tse di kwa kgotleng ya Magapatona. Sexanana se baka matshosetsi kwa Letlhakeng Mothusa mookamela mapodise a Botswana, mme a lebagane le lekalana la tsa pharakano Rre Katholo Mosimanegape, a re ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go nna le seabe mo go thuseng batho ba ba dikobo dikhutshwane gammogo le ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela. Re na le di tante di le masome a le mararo le boraro le dikobo di le lekgolo le lesome le bosupa, a tlhalosa. Go sa kwala puo ya Setswana sentle ke lenyatso mo go yone, e bile ke go e tseela kwa tlase, ga bua jalo kgosi. O gakolotse batsadi gore ba seka ba bipa dikgang tsa petelelo mme ba di begele mapodisi gore ditlhotlhomisiwe. Kgosi o ne gape a eleletsa morafe wa gagwe keresemose e ntle le ngwaga o mosha, a ba kgothatsa gore ba seka ba iphetisa dino le gone go kgweetsa ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya dino gore ba kgone go fokotsa dikotsi tsa tsela le dintsho. Superintendent Maniki a re sepodise sa Botswana se ruta letsatsi le letsatsi gore batho ba seka ba thanya lomapo lo le tsebeng mme batho ba ipeile tsebe se utlwe. E ne ya re a mo kgwa dikgaba, modulasetilo wa khansele, Rre Mbulawa a tlhalosa fa kgang eo ba itshware mme a supa fa e tlaa tsaya nako go rarabololwa ka jaana e akaretsa mapahata a a mmalwa. Tsheko eo, e tla tswelela kgwedi ya Tlhakole e le lesome go tsena e le lesome le botlhano. A re o buisiwa se ke gore bana ba ba tsenang sekolo seo ba palo potlana mme ba ne ba ka isiwa kwa sekolong sa Kgomodiatshaba. A re e re ka ba re ba na le dingwaga ba ngongorega ka dipolasi tseo, o na le tumelo ya gore dikgang tsa bone di tlaa tsibogelwa. Dikgotla tsa metse ya Tswapong ka go farologana di ne di penologa ka bagolo, banana le bana ba ba neng ba tsile go keteka boipuso jwa lefatshe leno jwa masome a matlhano. Re tswa kgakala re dira ka thata, ka jalo go botlhokwa go gakolola ba ba lebalang, ga tlhalosa Rre Kwelagobe. A re Botswana ke lengwe la mafatshe a go fitlhelwang ditso tse di farologaneng tse di kgatlhisang thata jaaka tsa kwa Tsodilo, Palapye Hill le Toutswemagala kwa Maunatlala. E ne e rile a ntsha maikaelelo a letsatsi, modiri go tswa kwa ofising ya molomaganyi wa mananeo a bolwetse jwa HIV/ AIDS mo kgaolong ya Letlhakeng, Rre Onkabetse Ntswetswe, a bolela fa se e le go tla go itshekatsheka go bona gore a go nale kgatelopele mo go fokotseng kanamo ya mogare gammogo le gone go tla go rebola go tshwarwa ga merapelo mo mafelong ka go farologana. Mogwebi mongwe yo mmotlana yo o akolang diphetogo tsa go nna jalo ke Mme Gomotsang Jane wa Hukuntsi. Komiti e supa mowa wa kutlwelobotlhoko Mopalamente one a tlhalosa fa kgang ya go oketsa kokelano e se mo lenaneo, mme e tla tsholediwa maemo go na Health post,atlatsa ka gore ngaka ya bone e teng mathata ke gore ga ena boroko . Mme Kruger a re mme yo o nyetsweng, ke motsadi, ke mmereki gape ke moeteledipele, a re mme o tshwanetse go ntsha maduo a a tshwanang le a rre yo a berekang le ene e le lepodisi, mme yo gape ke ene a tlhokomelang ba lelwapa la gagwe, a bafa lorato, a kaela bogolo jang bana tsela ee botoka ya go tshela botshelo jo bo amogelesegang. Mme Molubi o supile gore mo dipegong tse di mmalwa tse ba kgonneng go di amogela, ba lemogile fa modi wa seemo seo e le ka fa batho ba godisitsweng ka teng. Nata/Gweta o tlhoka Majaga - Makgato A re o isitse maina a batho ba le 44 kwa ofising ya mesepele le dipasa gammogo le ya dintsho le matsalo go tla go sekaseka gore batho bao ba ka thusiwa ka tsela e e ntseng jang. Motshwarelela Mookamedi wa koporase ya Water Utilities, Rre Gaselemogwe Senai a re le fa diofisi tsa koporase di tswetswe, o rotloetsa ba ba kgonang go dirisa maranyane go tswelela ba duela dikoloto tsa metsi. Rre Madzambi o kaile gape fa mananeo a puso a le bonya go goroga kwa go bone, a tlhalosa fa go na le baikopedi ba ba sa bolong go dira dikopo, mme nako kgolo ke eno ba ise ba thusiwe. A re seru sa go tshwana le se se kgona go nna le seabe se setona mo dithutong tsa bana, segolo jang ba ba amegileng. Ntle le dikgoreletsi, Rre Puku o tlhalositse fa monongwaga a tla dika a jele mogopo o tletse ka balemi ba bone thobo e namagadi. Mokwaledi wa Khansele ya Jwaneng Rre Dick Kalantle are lenananeo la Ipelegeng ga le diretswe Batswana gore ba intshe mo lehumeng, eseng batswakwa. Rre Toteng a re melato ya borukhutlhi e e akaretsang dikiteo le go rekisa majalwa a Setswana e se ka fa molaong e fokotsegile ka thuso ya ba twantsho borukutlhi. E rile a amogela molelo wa kgolagano, Kgosi Seabelo Pilane wa Sikwane a kaya fa ba itumetse ka jaana molelo wa kgolagano o tsisa kagiso mo gare ga bone. Banni ba re tsela eo e borai, segolo bogolo bosigo ka gore e na le lebone le le lengwe fela mme e bile lebone la teng, o kgona go fitlhela le timile nako tse dingwe mme seo se beye matshelo a bone mo kotsing. Mme Rosina Gaselebale, yo o dingwaga tse di masome a supa le bosupa wa motse wa Semitwe a re morago ga go fiwa lenaneo la tshingwana ya merogo ka ngwaga wa 2015, botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga go nna mo seemong se se nametsang. O boletse gore fa e sale madi ao a tsena bone mo Qabo ga ba ise ba bone ditlhabololo di dirwa ka lenaneo leo. Mme Molelo a re le fa letlhoko le le teng ga le bakgobe marapo ka ba sokola ka mo go tweng go neela bana thuto ya boleng jo bo kwa godimo. Mme Keaketswe a re gape bokopano jo, bo ntse le seabe se segolo mo kerekeng ya bone ka bo ngokile maloko a kereke a a neng a saletse kwa morago mme ba nna le sebaka sa go tia moko mo tumelong. Banni ba boletse fa ditlhwatlhwa tsa metsi di tsitsibanya mmele ntswa ba sa nwe metsi sentle. Banni ba masimo a Mmamojewa mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba batla Ipelegeng kwa masimong a bone. Mme Koogotsitse o tlhalositse fa komiti e le yone ka nosi e akolang go thapela mananeo a go selwa ga matlakala, nyeletso lehuma le la Ipelegeng, morafe one o kgaphetswe ntle. Mothusa tona a re fela jaaka matshwenyego a le mantsi ka tsamaiso ya lenaneo leo mo kgaolong eo, le ene o dumela fa go le gontsi mo go tlhokang go dirwa ke bodiredi go tokafatsa tsamaiso ya lenaneo le gore Batswana ba ba atlegileng ba kgone go le aramela le sa ba tlhabetse. Lt Col Motswagole o tlhalositse gape gore e re le ntswa maikaelelo a bone kwa tshimologong e ne e le go agela motlhoki ntlo ya bonno, go sa nna teng ga motho yo o neng a tlhoka thuso ya mothale oo mo motseng go ne ga ba fa sebaka sa go dira tiro e e sologelang botlhe molemo mo motseng. Fa a buisa banni ba metse ya Tshesebe le Themashanga mo kgaolong ya Bokone Botlhaba bosheng, Tona Batshu o ne a gwetlha Batswana go obamela melao e e tsamaisang lefatshe, a re seo se ka thusa go dibela kagiso. A re morula go dirisiwa o o sa ungweng mme o dirisiwa go betla dikika. O tlhalositse mo potsolotsong fa a thusitswe ka 2013 mme a simolola madirelo a Charlla Bakery ka 2014. Mme Jansen a re ka 2012, o ne a kgatlhegela thuo ya mebutla ya sekgoa, mme a reka mebutla e le mebedi o motonanyana le o monamagadi ka P600. Bana ba ba tshwanetse go gola ba itse go ikopa maitshwarelo, Tona Ngaka a tlhalosa. A re fa e sale a simolola go nna mokhanselara ka 2014, ditsela tsa mo motseng ga di ise di baakanngwe le ntswa a tsere matsapa a go bua le ba ba maleba go thusa ka seemo seo. Fa a tswa la gagwe mokwaledi wa khansele Mme Gomolemo Moepeng a re go lebanye go re khansele potlana ya Bobirwa e tshware moletlo wa mafelo a ngwaga gore ba leboge botlhe ba ba dirisang le bone jaaka bagwebi baba ikemetsengka nosi, maphatla a puso ajaaka la kabo ditsha, ofisi ya molaodi, lephatla la makgotla a Setswana (Tribal Administration) a a ba thusang go isa ditlamelo kwa metseng e le lesome le bosupa. Ba kopile gape gore ba letlelelwe go lema ba gasa ka jaana go le bofefo. Rre Phiri o buile jalo ka Matlhatso kwa mabaleng a Bothakga jaaka go ne tshwerwe moletlo wa dijo tsa setso le dikgaisano tsa dikhwaere tsa boipuso kwa Lobatse. Inspector Kumbani Machaya o ne a tlhalosetsa lekgotla gore e le ba bosekisi ga ba kgatlhanong le gore basekisiwa ba letele tsheko kwa ntle, mme ba kopa gore ba beelwe melawana ya go letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo. A re ka jalo, go a tlhokafala gore banni ba batle maano a mangwe a masha a itshetso jaaka go gweba ka tsone diphologolo le matlotlo a mangwe a tlholego, a a fitlhelwang mo tikologong ya bone go itshetsa fa puso e santse e tsweletse ka go batla maano a go rarabolola manokonoko a a amileng kgaolo ya bone. E rile a bua mo thutuntshong e e neng e rulagantswe ke khansele-potlana ya Palapye go tla go tlhatlhelela ba ba biditsweng go tla go tsena mo ditumelanong le khansele ka tsa kago ya matlo, modulasetilo wa komiti ya SHHA mokhanselera wa Mmaphula bogare, Rre Molefane Tseladikae a tlhalosa fa e le maikaelelo a bone go rutuntsha ba ba tlhophilweng pele ba tsena mo ditumelanong gore ba itse ka botlalo se lenaneo le se rerang. O ne a ipega ka go re, Re tsile kwano Kgosi, go supa maitseo a rona a a kwa godimo, re tsile ka lorato kwano re le Batswana re tswa gongwe le gongwe mo Botswana, ka gore bana ba re ba direlang fa, ke ba rona. Kgosi Mosadi Seboko wa Balete, o ne a lebogela badiri ba ofisi ya ga Tautona lorato le boithaopo. A re go kgoba marapo fa ba begela mapodisi dikgang tsa borukutlhi mme ba bo ba diega. Balwetse ba ba robaditsweng mo kokelong mo nakong e ya ngwaga ya malatsi a boitapololso ga ba a ikgethela e bile ga ba a ikwadisetsa gore ba ka robatswa mme ka seo go botlhokwa gore kereke e supe maitlamo a yone le seabe mo go thuseng batho le go tsisa monyenyo mo go ba ba robaditsweng. O ne a fa sekai ka sediba sa Khudumelapye a supa fa se ntsha metsi a a kwa tlase mme a supa fa ba le mo patlong ya didiba tse di ka thusang go nosa fa tse dingwe di fela metsi. A re se se maleba ka jaana ba tshwentswe ke dipalo tse di itlhatlhobelang mogare le gone go dirisa ditirelo tse dingwe tsa dikokelo le ntswa di le teng mo dikokelong tsotlhe. Rre Dikgang o kopile gore batsadi ba sebopego se se ntseng jalo ba begwe kwa molaong ka gore ba kgotlela bokamoso jwa bana. A re kopo ya ga Tautona ya go agela batlhoki matlo e dirile gore kereke e thanye gore thomo ya bone ba e direka lerato le mautlwelobotlhoko. A re lefa maiteko a go nyeletsa kanamo ya mogare a dirwa, go santse go na le dikgwetlho tsa go tlhoka go itlhatlhoba ga borre, batho ba ba sa saleng ditaelo tsa bongaka morago le ba ba tlogelang go tsaya diritibatsi fa ba setse ba le botoka. Ba re jaanong e nne selo modiro go lalediwa go baakanya le go aga lekgotla. O ne a tswelela a dira mme a bona batho ba kgatlegela tiro ya gagwe, selo se se neng sa mo tiisa moko. Mapodisi a tlhotlhomisa leso A re mekgabisa e mengwe o e dira ka mabotlolo a dinotsididi ka go gabolola a bo a a kgabisa gore a lebege jaaka sethunya. A re maduo a mantle ao a tshwanelwa ke go lebogwa go lemoga tiro e ntle ya barutabana le baithuti. A re, jaaka lephata le le tshwereng selo se se botlhokwa se se tshwanang le botsogo jwa setshaba, ga go a a siama gore dikoloi tsa lone di bo di tswaletswe lebaka le le leele kwa CTO di emetse go baakanngwa. Rre Ngande o tlhalositse fa e se ene fela a emeng ka dinao, a re balemi bangwe le bone ba tsere malebela mo go ene ba setse ba e lemile go kgona go thusa leruo la bone. Monna yoo, o ne a bolaya moratiwa wa gagwe ka go mo tlhaba ka sengwe se se bogale kwa masimong a Ishashe gaufi le Ramopkgonami, mme morago a ikgapela botshelo ka go ikaletsa. Mme Dolly Pule a re ga go nko e tswang lemina mo go arabeng dilelo tsa bone, mme ba tswa kgakala ka go kopa gore ba tsisediwe ditlamelo mo motseng wa bone. A re o ne a bolelela lepodisi gore go na le mongwe wa leina la Bajeleng Kaodimba, yo o tsamayang le mola a ema ema le batho ba ba tsileng go tlhopha mme go belaesega a polotika. A re dikgwebo tse di berekang di akaretsa Soon and Soon Investment Poultry, Batsogapele Leather Works, Gamokgomana Toilet Paper and Diapers, Onae Farmers Group Smallstock, Mmamokhasi Vegetable Production, Gamodenaka Brick Moulding le Bana Ba Motho Theatre Artists. Kgosi o buile se mo potsolotsong bosheng. Hulela a re bapalami ba ne ba tswa Mahalapye ba ya go bapala phane kwa Lerala. A re o eletsa go bona kgwebo ya gagwe e gola e bile e na le setsha se se ka fa molaong. E rile a ntsha molaetsa ka thuso ya moranodi, monana wa motlhoka kutlo, Rre Edwin Mabotle go tswa Gantsi, a re o kopanye le bogole a le dingwaga di supa. Go ya ka mogolwane wa mapodise a Tutume, Superintendent Jerry Halahala, monna yoo, yo o tlholegang kwa Zimbabwe go bolelwa fa a ile a tlhoka kutlwisisano le mongwe yo le ene a tlholegang kwa Zimbabwe kwa sepotong sengwe gone kwa masimong ao. Fa a tswa la gagwe, mogolwane go tswa kwa lephateng la SHHA mo Ghanzi, Mme Motsei Moutswi o ne a gakolola banni ba dikgaolwana tseo go dirisa diofisi tsa bone, ka e bile maikaelelo a bone e le go rurifatsa fa Batswana ba na le bonno. O ne a tlhalosa fa tsamaiso e bontsi bo e tshaba ba tsaya gore e batla bo maitseanape mo go tsa kgwebo mme e motlhofo ka mogwebi a supa fela ka fa a tla a tsamaisang kgwebo ya gagwe ka teng. Thulaganyo e e tlhoka thuto e tseneletseng go itse ka fa dikotlhao di tsamaisiwang ka teng mo dikgolegelong, ga buwa mookamedi wa dikgolegelo Ka jalo o gakolotse setshaba go emisa mokgwa wa go nna baatlhodi mme ba amogele ba ba weditseng dikotlhao go tsena gape mo gare ga setshaba. Rre Kelekamang Keobatile mongwe wa banni are ga a itumelele ka fa madi a dikgaolo a kgaogantsweng ka teng. Le fa go ntse jalo, mothusa-tona o tlhalositse fa go tlaa tlhokiwa bosupi jo bo papametseng jo bo supang mabaka a go swa ga dikgomo tseo, a re barui ga ba kake ba duelelwa dikgomo dipe tse e leng tsa bone fela. O ne a gwetlha banana gape gore ba seka ba itira bo tsebe se utlwe fa ba bolelelwa ka meila ya Setswana ka e na le boleng mo go thuseng go falotsa bana mo kotsing. Rre Monyena a re bontsi jwa balemi ga ba na didirisiwa tsa temo tse di dirisiwang go somarela bokgola, fa ba bangwe ba na le tsone mme ba sa itse go di dirisa sentle. Rre Maele yo e bileng ele mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala o buile mafoko a fa ane a simolodisa semmuso letsatsi la balemi barui ba kgaolo ya Mookane, le le neng le tshwaretswe kwa merakeng ya Rankgapane ka Matlhatso le rulagantswe ke Rre Thapelo Setlalekgosi, Rre Thebe Setlalekgosi, Rre Alpheus Mokgadi le Mme Phenyo Nthase. Tona Ralotsia, yo e bileng e le mopalamente wa Kanye Bokone, o ne a patilwe ke mothusi wa gagwe, Rre Fidelis Molao kwa letsatsing la go isa ditlamelo tsa temo-thuo kwa bathong kwa Ntlhantlhe mo kgaolong ya Borwa ka Labobedi (30/06/2015). Monana o itshetsa ka thuo ya dinotshi Rre Wright a re nako e tsile ya gore ba ikemele ka dinao ba sireletse matlotlo a bone gore a sologele morafe mosola. Mogokaganyi wa ditiro tsa mokgatlho wa Arts Rain Culture mo Selebi Phikwe, Rre Tshepho Tsela a re o itumeletse ka fa moletlo wa Ko Chomeleng Cultural Festival o o neng o rulagantswe ke mokgatlho wa bone o tsamaileng sentle ka teng. O ne a tlhalosa fa go betla go dirwa mariga ditlhare di omeletse. Mme Kutlase o ne gape a kopa borre go emisa go ratana le bana ba dikole ka ba santse ba le bannye mme ba ise ba kgone go ka tsaya ditshwetso tse di amang matshelo a bone mabapi le tlhakanelo dikobo. Le fa go ntse jalo, a re o tsentse kopo kwa go ba lephata la boipelego go mo tswa thuso ka lenaneo la nyeletso lehuma. Rre Nawa o konoteletse ka go tlhalosa fa ene mo nakong eno a santse a tlhaba leruo la gagwe thobega fa le robegile mme e bile a kopiwa ke barui ba bangwe go ba direla leruo mme a sa lope dituelo dipe ka a na le lorato. Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Botoka yo o tlhomilweng mo setilong monongwaga ka Ngwanatsele, a re e rile fa a simolola tiro a dira ditshekatsheko tse a kgonneng go lemoga letlhoko la motse wa gagwe le a tshwanetseng go itebaganya le lone mme nngwe ya lone ya nna seemo sa borukutlhi se go lemosegileng se tlhoka go tsibogelwa. E rile ba tswa la bone, balatedi ba supa fa ba itumelela tiro e ntle e e dirilweng ke komiti e e neng e goga setlhopha. Makhanselera a phathi e e busang ya Domokoraga ba kgaolwana ya Palapye Administrative Authority (PAA) ba batla setilo sa mothusa modulasetilo se boela mo phathing, morago ga gore mokhanselera yo o ntseng a le mo go sone a fudugele mo phathing ya BMD. O supile fa a rekisa kopi P5 mme e bile batho mo Sehithwa ba o itumelela e bile ba o rata. O supa fa bane ba dira diaparo tsa di polasitike go itsa go tlhabiwa ke mmitlwa mme ba o haraka ba o olela ba o tshela ko ntle ga masimo. A re o ipotsa gore seabe sa kgotla kgolo ya Batawana ke eng ka e le gone kwa Tautona a tlang go laela setshaba sa gagwe teng. Rre Mokgatle o ne a ba gakolola gore ga ba a tshwanela go dira molato ope ka nako ya ba santse ba letetse tsheko. O ne a re le ntswa pego e itebagantse le go tokafatsa toropo, go sa ntse go na le matswhenyego a matlakala a a gasagasameng le toropokgolo. Rre Khan one a kopa sechaba go itse gore ba tshwanetse go nna le seabe mo ditlhabololong tsa motse ba ikopantse le bodiredi jwa puso ka ga farologana ga mmogo le Kweneng District Council. BCP e amogela maloko a masha A re lorato, bopelotelele le thotloetso go tswa go ba lelwapa la gagwe ke tsone tse di mo gwetlhang e bile di mo tiisa gore a tswelele pele mo kgwebong. O tlhalosiste fa e rile mafelo a ngwaga o o fetileng a ne a kwalela Kgosi Ponatshego go supa fa sebaka se se dumalanyweng sa go tshwarelela ga gagwe se wela mme a supa boikarabelo le go tlotla tsamaiso le mowa wa kagiso. Mo potsolosong le Molaodi o tlhalositse fa bogakolodi bo thusa gore banyalani ba tlhaloganye bomolemo jwa kgolagano ya bone le gone gore e tlhoka boitshwaro jo bo ntse jang. A re e re ntswa banni ba kgaolo eo ba tlwaetse go lema mmidi fela, ba tshwanetse go fetoga ka lebaka la diphetogo tsa loapi. Ba tsweletse ba supa fa lenaneo la kgwediso ka diatla le sa solegele barui ba ba botlana molemo ka go le turu mo go bone go isa dikgomo gonne ba tshwanelwa ke go di ikisetsa kwa kwarantining kwa Makoba. ‘’Batsadi bangwe ba na le puo ya gore ngwana ke wa mmaboipelego, ba mo ithontsha ba sa mo fe lerato le go mo godisa sentle,’’ Rre Dikgang a tlhalosa. Rre Ramaabya a supile fa gape ba sa robadiwe ke bogodu jwa go phamolela batho. A re ka yone nako eo ya faleobo le simololwa go agiwa lephata la gagwe ka le na le maitlamo a gorotloetsa tsa ngwao le ne le setse le na le botsalano le motse wa Manaledi ka ohumile mmu wa letsopa o o dirang dinkgwana mme ga boisanngwa le bogogi jwamotse mme ba felela ba kopile gore ba agelwe leobo la kgotla. Rre Tshekiso o ne gape a ba kopa go itse se se diragalang mo maphateng a mangwe. Ere ntswa beng bangwe ba ditiro tseo ba ne ba seyo ka mabaka a temo, mothusa tona Seretse o ne a itumedisiwa ke tlhokomelo e neng ya lemosega mo ditshingwaneng tsa bone. E rile a bua mo potsolotsong le lekalana la bobega dikgang la BOPA a tlhalosa fa phutho e tsweletse e bile ba rotloetsa barui go tsamaela kwa masakeng a matimela go ya go bona leruo. Moruti o rotloetsa lenyalo pele ga tlhakanelo dikobo Fa a tswa la gagwe mmaboipelego wa kgaolo ya Lentsweletau Mme Desiree Thobega are fa ba dira ditshekatsheko tsa bone ga ba lebelele matlo mme ba a bo ba batla go bona gore a botlhoki bo teng ka boammaruri. O ne a tsibosa setshaba fa puso e dirisa matshebetshebe a madi go itepatepanya le seemo sa segajaja, a supa gore fa batho ba ka sala dikgakololo tsa ba botsogo morago, matshelo a le mantsi a ka babalelwa mme puso e kgone go atolosa ditlhabololo tse dingwe ka madi ao. Fa a itebaganya le lenaneo la SHHA, Mme Mpetsane o ne a ba kopa go le tsaya tsia go leka go tokafatsa bonno jwa bone ka jaana bonno e le selo sa botlhokwa mo botshelong jwa motho. A re ntlo ya gagwe e ne ya rutlologa, dilwana tsa koloba le motlakase wa kgaoga. O boletse fa mokatisi a batla go rekelwa batshameki go nonotsha setlhopha se a nang le sone. A re mme yoo o ne a bona bangwe mme ba mo tlhomamisetsa fa ba reka dikoloi tsa bone kwa United Kingdom. O ne a gwetlha baithuti go inaakanya le thuto. A re mogopolo wa temo ke mogopolo o montle mme o ka felela o paletse ba le mmalwa ka mabaka a tsela ya Modipane e e sa siamang mme go ba tlama go tsena ka Mochudi go fitlha kwa dinokeng. Rre Autlwetse o tlhalositse fa lefoko la kgosi le agelwa mosako, a tlhalosa gore fa kgosi a kua mokgosi kwa kgotleng morafe o ne o sa botse, o tshelesegela ka makatlanamane. Lephata la botsogo le ipaakanyetsa dikoloi O kgothaditse banni gore ba seka ba itetla go tsiediwa ke bao ba ba kgatlhanong le tiriso ya maranyane a, ka e le nngwe tsela ya go fefosa tsamaiso ya ditlhopho. Ke na le dipudi di le lesome boferabobobedi le dipotsane di le lesome le boferabongwe, ga tlhalosa Mme Thankane. O buile gore letsatsi le la ngwao ke la Barolong botlhe. Mogolwane wa mapodisi mo Maun, Rre Motlhaba Ramaabya a re magodu a simolotse methale e mesha ya go utswa dijojo kwa kgotleng ya Disana II. E rile a ema ba-tsaya karolo ka lefoko, moitseanape go tswa kwa lephateng la tlhabololo banana metshameko le ngwao, Rre Moreetsi Bogosi a tlhalosa fa mabelo le metshameko di ribolola talente ya banana ba ba sa tseneng sekole. O ne a bolela fa go nnile le tlhaelo ya boroko ka letsatsi la Makgadikgadi Epic, a re kgwetlho e ba nang le yone ke ya makalana a a thusang ka madi a tshwana la CEDA le a mangwe, a re ga ba ba thuse fa ba ikopela kgwebo ya boroko ba bolela fa e setse e tletse go sena mmaraka. Mme Ntau o boleletse BOPA fa a ne a tlelwa ke mogopolo wa go itirela furu ka tshetlho morago ga go lemoga fa gantsi pula e le boutsana mo kgaolong eo mme phulo e seo. A re a bone gore ba ntse ba tlotlana jang mo kgotleng ya bone, e bile nne e re fa mongwe a tswa mo tseleng ba bangwe ba mmusetse. Mosekisiwa yo mongwe ke Baagi Setshwantso wa dingwaga tse 46, a tlholega kwa masimong a Dikolakolane teng mo Kweneng. Fa a ba kgwa dikgaba, Tona Kgafela o ne tshwaela fa lephata le tlaa itshekatsheka go bona gore ba fefosa dikopo mme a tlatsa ka go rotloetsa ba ba thusitsweng go netefatsa gore ba a duela gore puso e kgone go atolosetsa lenananeo kwa go ba bangwe. Mme Ramosiane o buile seo lebanni ba Mokgomane beke e e fitileng mo phuthegong ya kgotla, a re batshwenngwa ke dikgang tse mo go tsone batsadi ba kwalang makwalo a go supelabatho gore ke Batswana mme boammaaruri e le gore batho bao ga se Batswana. A re e re ka mo sesoleng dikgang tsa botsogo di tsewa ka tlhwaafalo ka temogo ya fa lesole le le sa tsogang sentle le ka seke le kgone go dira tiro ya lone ka botswerere, ba ne ba bona go le botlhokwa gore ba rotloetse botsogo jwa setshaba ka go thusa go tokafatsa go abiwa ga ditirelo tsa botsogo. Fa a bua mo moletlong wa go abela bana ba dikole tse pedi tse dipotlana tsa motse wa Otse ba le masome a robabobedi paka ya sekole ya mariga, Kgosi Mothusi Tsetse wa motse wa Otse, o tlhalositse fa go nna gaufi le Police College e le tshegofatso mo motseng wa bone ka jaana ba ba thusa le ka gone go dikologa mo maemelong a dikoloi, ka magodu a ba apesitse kobo ka letshoba ka go ba amoga di tsa bone. Ba ntshitse matshwenyego ao mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke komiti ya palamente ya temo-thuo, lefatshe le bonno. O tlhalositse fa ngogola Rre Odirile Monare a ne a ba rekela didirisiwa tsa P12 000, selo se a bolelang ba se lebogela fela thata. Mme o kopile batho go nna ba pudi matseba ka badira melato ba, ba le gongwe le gongwe. Ka kgang ya dituelo tsa metshameko ya kgaolo, go ne ga supega fa ba ya go duelwa mo ngwageng one wa madi le gore ditlhopha tsotlhe tse di kolotiwang melala le yone e tlaa duelwa. Le ntswa a re khansele e kile ya tla go thusa mo motseng, ga e a dira go lekane go tlhabolola ditsela tseo ka seemo sa tsone se sa fetoga. Batsadi le barutabana ba gwetlhilwe go nna seopo sengwe kgatlhanong le tiriso ya nnotagi le diritibatsi ga bana ka di na le ditlamorago tse di garolang pelo mo matshelong a bone. Mothusa tona ya temo-thuo gape e le mopalamente wa kgaolo ya Shashe Bophirima, Rre Fidelis Molao ene o itlamile go ntsha P3000. Rre Ramokapane o tlhalositse fa tiriso ya methale ya temo ee tlhabolotsweng go oketsa thobo, selo sea reng seka tokahatsa matshelo a batho ka jaana le tlala e tlaabo e sa nne teng. E rile a itebaganya le tsa botsogo, Rre Kablay a re dingaka le baoki ba a tlhaela mo dikgaolong tse di kgakala le ditlamelo, bogolo jang ka bangwe ba gana go berekela mo dikgaolong tseo. Gen SeretseKhama le tona Siele ba sa ikaelele go sekegela dingongorego tsa bonetsebe ba tlaa tseela kgang eo kwa kgotleng kgolo ya ditsheko. Tona wa temo-thuo, Rre Patrick Ralotsia o rotloeditse balemi-barui go dirisa mananeo a temo-thuo go ntsha dijo le go rekisa ka gore go kopa kwa mafatsheng a mangwe ga go monate, ka Motswana a boletse a re lerotse ka makopo le se na kgodu. Lephata leo le tsere maemo a bobedi ka go thomagana ka ngwaga wa 2012 le 2013. Mme Tshwenyego a re o simolotse dithuto ko ga-e-golelwe ngwaga o o fitileng mme a tlhalosa fa lesedi le a setseng a le amogetse le fetotse botshelo jwa gagwe, a re thuto e ka fa motho seriti gape e ka thusa motho go boloka sephiri sa gagwe. Kgotla ya rona e tshwara dikgetsi tsa Old Naledi le Borakanelo Police Station mme go supafala gore fa re ka nna le mokwaledi yo mongwe go ka nna le maduo a a nametsang, a supa. Go tshela ka bo-na-le bogole ga se sekgoreletsi Are keletso ya gagwe ke gore ekete e kare goromente a ntse a dira mananeo a gopole le bao ba ba nang le mowa wa boipelego ka bas a bolo go wa ba tsoga le dikgwebo tsa bone , ka jalo are fa ba ne ba ka bona thotoetso ba ne ba ka direla lefatshe leno gole gontsi. Fa ba bua kwa phuthegong ya phatlalatsa ya go supa ntlhopheng wa bopalamente wa kgaolo ya Nata/Gweta, Rre Polson Majaha le makhanselara a gagwe kwa Nata bosheng, Rre Seloma o boletse fa mo ditlhophong go na le go fenya le go fenngwa, mme a re ke dilo tse a emetseng ditlhopho a ntse a di solofetse ka jalo o ka seke a tlhanogele phathi ka lebaka la gore o fentswe. Rre Molebatsi a re pele, molao wa kgokgontsho ya bong o ne o sireletsa bana le basadi fela, mme dipatlisiso di supile fa kgokgontsho ya borre le yone e le teng, ka jalo palamente e ne ya baakanya ditsetlana tsa molao o, go o atolosa gore o akaretse le borre. Rre Guma o ne a tlhalosa fa bothata fela e tlaa nna gore dikgomo tse ga di na go rekisiwa kwa matlhabelong a Botswana Meat Commission (BMC) ka bareki ba nama kwa mmarakeng wa mafatshe a Europa ba ka seke ba e reke. A re ba thusiwa thata ke bajanala ba ba fetelang kwa mafelong a tshwanang le boMababe le Khwai ka ba ralala motse wa bone, mme ba phamole dilwana di le mmalwa mo marekisetsong a bone. Se ke sone se dirileng gore Rre Thatayaone Motlokwa, monana yo o tlholegang kwa Thamaga a se ka a ipona tsapa, a tsee tshwetso ya gore a ipulele kgwebo ya go rekisa di-tswa matlalong. Maano a botshelo ga a site Mokhanselara wa Letlhakeng bokone, Mme Stella Segwagwa, o ne a leboga tiro e ntle e lekgotla la baruti le e dirileng. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Vukwi, Rre Zulu Mutshula o ne a akgola badiredi bao mo maitekong ao a ba a dirileng, a re boora Balo jaanong ba tlaa tshela botshelo jo bo botoka. Rre Majaga o boletse go re go mo tlhopha gape, go tlaa mothusa go tsweledisa fa a emeng teng O ne a gatelela botlhokwa jwa go dirisana sentle gore morafe gore o seka wa akanya gore ga ba na kemedi kwa khanseleng. E re go ntse jalo, Kgosi Sekgwa o supile matshwenyego mo tirisong ya nnotagi ke banni. Mopalamente Kablay o supile fa ba lapisitswe ke bana ba ba tsenang dikole ba bo ba felela ba bereka Ipelegeng. A re moremogolo go betlwa wa taola, wa motho o a ipetla, ka jalo a rotloetsa bana go nna le boitshwaro jo bo lolameng jo bo eletsegang mo setshabeng. Mo go tse dingwe, mogakolodi wa tsa kgwebo go tswa kwa lekalaneng la Local Enterprise Authority (LEA), Rre Joseph Mojewa o supile fa maikaelelo magolo a bone e le go thusa bagwebi ka tsa bogakolodi le dithutuntso ka ditsamaiso tsa dikgwebo. A tswelela ka gore ntle le dithuso tsa diaparo le melora, ba tla a bo ba thusa bomme bao gape ka dikgakololo le go ba sidila maikutlo. A re nako e tsile ya gore Batswana ba dire dipatlisiso ka ngwao ya bone, e seng go tlolela mo dingwaong tse ba sa di itseng. Fa a itebaganya le bana, a re ba tshamekele kgakala le bojalwa le diritibatsi ka di na le ditlamorago tse di botlhoko tse di ka ba senyetsang bokamoso. Tsibogelang selo se ka se ka gola le ngwana a felela a dira mo go golo jaaka go thuba marekisetso, Mme Kokoro a tlhalosa. A re bontsi jwa banana ba rata go rerisana pele gore a reyeng go dira kgwebo e, go se ope yo o ikakanyetsang, mme motse o felele o tletse ka kgwebo ya mofuta o le mongwe le ntswa go na le letlhoko le lengwe. Mo go la gagwe, Rre Totego Mokomoto o ne a re gangwe le gape BMC e tla kwa go bone e re e ipaakantse, go tswa foo ga ba boele kwa go bone fa go sa kgonagala, a re ke sone se se dirang gore ba seka ba isa dikgomo kwa go bone. A re o batla go godisetsa bana ba gagwe mo ngwaong ya Setswana. Mme Toto a re lerato la dithunya le dirilwe ke gore le kwa lwapeng ba lema dithunya le ditlhare ka go farologana ga tsone mme se sa tsisa kgatlhego e ntsi mo go ene selo se se neng sa tsisa mogopolo wa go bula kgwebo e. Mookamedi wa lenaneo la dituelo tsa bagodi mme Papadi Nkuvauva, a re maiteko a tsweletse le ba diposo go tokafatsa tsamaiso e e amang dituelo tsa bagodi.O bile a tlhalosa fa gape ba tsweletse go betla tsela ya ka fa thulaganyo e ntsha ya go neela bana-le-bogole dikatso e tla a dirwang ka teng morago ga tshekatsheko. A re ka jalo dikgosi di lebanwe ke go go lwantsha dikgwetlho di tshwana le go kgatlhegela dingwao tsa mafatshe a mangwe, selo se a rileng se borai ka Batswana ba ka felela ba latlhile ngwao ya bone. Fa a tlatsa mo mafokong a ga Rre Kgosietsile, mokhanselara wa kgaolwana ya Marang-Tsholofelo Botlhaba, Rre Meshack Kebeileng a re le ene o ngongoregela seemo se se sa iketlang sa dipone tsa mekgwatlha. Le fa go ntse jalo ba supile gape fa ba itumelela gore ba lekgotlana la kabo ditsha la Letlhakeng ba dira tiro ka bonatla, ba supa fa ba simolotse go kwadisa ditsha morago mme go setse go na le maduo. O ne a ba gwetlha go dirisa bokgoni jwa bone mo tirong go dira motlhala o banni ba tlaa salang ba ba gopola ka one. O supile fa a ne a bereka mo komponeng nngwe ya insurance, lobaka lwa dingwaga tse pedi. Dr Tombale o supile gore fa BMC e reka dikgomo e netefatsa gore ba sepodisi ba a ba bo ba le teng dinako tsotlhe go rurifatsa theko le mekwalo /bosupi jotlhe jo bo tlhokegang. O buile se mo Potsolotsong le BOPA ka Tshipi kwa Molepolole, morago ga go lemoga fa e rile ka Matlhatso morafe o ne o gololesegile ka metsamao ya gale go tsena mo marekisetsong, fa bagwebi ba ba botlana ba ne ba le mo tsamaisong ya gale ya go gweba, ba itlhokomolositse tlhagiso ya kiletso mesepele ya Labotlhano. A re seo fela ka bo sone ke ditshegofatso. O ne a rotloetsa Partners Maintenance go tswelela ka mowa o ba nang nao gore ba kgone go thusa ba bangwe. Mothusa mokwaledi o ne gape a re molelo wa kgolagano o golaganya Batswana botlhe ka e bile o tsamaya motse le motsana. Ka dijo e le sengwe sa dilo tse di turang thata mo tlhokomelong ya bana, Rre Molale a re ke ka moo ofisi ya ga Tautona e neng ya bona go tlhokafala gore e thuse ba Childline ka go ba lemela merogo go leka go ba fokoletsa ditshenyegelo. E rile ka Mosupologo, lekoko leo la etela badiri ba matlhabelo a dikgomo a Serowe, kwa ba fitlhetseng badiri ba eme sentle go thibela mogare wa corona. Se senyeng nako ka go kgalana - Reatile Le fa go ntse jalo, Batawana ba ne ba supa fa ba le ’bete se molangwana ka tsamaiso e e dirilweng ke ofisi ya ga molaodi ba re o ka bo a rulagantse pele le ba bogosi go na le go tshwara puisanyo le badirelapuso pele ba bua ka loeto loo. Dinkgwana di tshetsa Botsheleng Rre Dithapo o tlhomiwa jaana morago ga loso la mothusa kgosi kgolo, Kgosi Pitsoyabosigo Moremi. Fa a mo tlatsa Mme Keeme Sesoma yo ene a itshetsang ka go apaya a tlhalosa fa a kgonne go ikagela ntlo. O ne a kopa morafe go ba thusa ka megopolo e e ka rotloetsang borre go nna ba etela dikokelo go ikopela dithuso tsa bongaka go na le go tshabela kgakala. O boletse fa boeteledipele jwa toropo ya Selebi Phikwe bo ne jwa supa kemo nokeng ya maikaelelo a mokgatlho wa bone ka go nna teng kwa moletlong oo. O kopile setshaba go tswelela ba reka mmino wa gagwe ka a tlhalosa fa o ka dira pharologanyo. Fa a ntsha la gagwe, modulasetilo wa komiti ya kgaolwana ya Dilolwe, Mme Agnes Tumediso a re bangwe mo setshabeng ba leba tiro ya VDC ka lonyatso ka ba dumela fa maloko e le batho ba ba sa itewang seatla mo go kalo. Mogolwane wa Culture Spears, Rre Kabelo Mogwe a re ntlwana e ya borutelo e gaufi le pelo ya gagwe,mme a kopa gore e tlhokomelwe. Thulaganyo e tsamaya sentle E ne ya re go utlwa ka lenaneo la kadimo ya madi la go aga matlo la Turnkey, bangwe banni ba motse wa Goshwe mo kgaolong potlana ya Tutume ba ne ba seka ba ipona tsapa go ithusa ka lenaneo. A re bangwe ba felela ba ikhutsa ka fa tlase ga ditlhare ba sa dire tiro e ba tshwanetseng go e dira mme ditiro tsa ditlhabololo di felele di salela kwa morago. O gakolotse gape gore fa go kgonega batho ba emise go tsamaya bosigo le gone go tsamaya le batho ba ba sa ba itseng. Rre Mosweu a re ba setse ba simolodisitse lenaneo la Ipelegeng ka palo ya batho ba le masome mane, a tlatsa ka go re lenaneo la matlakala le lone le tsweletse. Lephata la la babereki le tlaa tlhoka P13 652 770, la boranyane jwa dikago P12 167 740 fa la botsogo jwa setshaba le tlaa tlhoka P4 771 990. Ba re fa gona le mongwe yo o setseng a le mo lenanenong la puso jaaka la masiela kana bagodi, ga ba thusiwe le mororo ba kgobokanye golo go le gongwe, dipalo tsa batho di oketsegile. A re puso e dira ka gotlhe go oka babeeletsi mme go botlhokwa go ba amogela ka lorato le boammaruri go sena tshenyetso setshaba. Mogokgo wa sekole seo, Mme Lusati Lesetedi o boletse fa sekole seo se santse se dira botoka thata mo maduong a ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa, mo ba dikileng ba pasitse thata ka matshwao a a neng a gaisa dikole tsotlhe tse di mo kgaolong ya Tutume botlhaba. DR Venson-Moitoi, yo gape e leng tona wa tsa mafatshe a sele, o ne a kopa khansele gore ba ne ba sekaseka dipalo tsa ipelegeng, ka bontsi jwa batho ba ba mo kgaolong ya gagwe dipalo tsa bone di sa balelwe mo go yone ka e le batho ba dikgaolo tse dingwe tsa bopalamente, a tlhalosa gore e re ka dinako tsa temo go okediwe dipalo ka jaanong ba a bo ba le kwa masimo. Kgosi Omphile o ne a supa magosi go tswa kwa dikgotleng tse ditona tse nne tsa Serowe, e leng Basimane, Maaloso, Maaloso-a-Ngwana le Ditimamodimo go bo bo tsile go tla go netefatsa letsatsi, le go nonotsha tlhomamiso ya gore Rre Matho o newa morafe. Batlhophi ba le barataro kwa kgaolong ya botlhophi ya Selebi Phikwe Bophirima ba kgonne go tlhopha morago ga gore go nne le ketsaetsego ya gore ba ka thusa jang. Kago ya matlo ko Goshwe e atlegile O supile fa baithuti ba inaakantse le ditagi tse di farologaneng tse di sa siamelang isago le botsogo jwa bone mme a ba rotloetsa go ikgapha mo go tsotlhe tse di maswe gore ba kgone go dira sentle mo dithutong. A re o akanya gore theko ya lefatshe e ka ba kgontsha go dira temo ya nosetso gore ba kgone go ntsha dijo tse di ka jesang lefatshe leno le go ka direla banana ba kgaolo ditiro. Rre Pelosera Ngande, mong wa tshimo e go neng go direlwa dithuto mo go yone o supile fa a itumetse thata ka a sale a utlwaletse mokgwa o wa go bolaya motlhwa ka balemi ba Seronga. Mo puisanyong bosheng, Mme Dibere o tlhalositse fa go tlhoka thotloetso le mmaraka go baya kgwebo ya gagwe ka fa mosing. Mogolwane wa ofisi ya balemisi mo kgaolong potlana ya Mahalapye, Mme Pelontle Seabe, le ene o ne a tlhalosa gore ba lemogile gore go na le bangwe ba ba phakileng dipeo tsa mabele a a dirang bojalwa. O supile fa mo nakong e e fetileng bangwe banni ba motse wa Khekhenye ba ne ba sa akole mananeo a puso ka ba ne ba sena dikarata tsa Omang mme fela seo jaanong ele kgang ya maloba. Mme Jansen wa Tsabong yo o dingwaga di masome matlhano le boferabobedi o boleletse A re o simolotse ka go reka ditlhare mo mogwebing mongwe kwa Gaborone nako nngwe a etetse teng. O tlhalositse gape fa e tlaa re kgwedi ya Lwetse e le masome a mabedi le botlhano, go nne le merapelo ya boipuso kwa kgotleng kgolo, mme a kopa gore ba tle ba apere mebala ya lefatshe leno. Dr Mokuhwa a re dipilisi tsa diritibatsi di le nosi ga di kake tsa kgona, mme e bile fa e le gore fa motho a tshela ka tsone go tsewa gore ke gone ke gone, thuto e sa ntse e tlhaela fela thata mo Batswaneng. Ba sekole sa Diloro ba bonye maemo a ntlha mo dikoleng tse di lesome le borobabobedi tse di phadisanang le sone, sa bona maemo a ntlha mo kgaolong ya botlhatlhobi jwa dikole, sa bo sa bona maemo a ntlha mo dikoleng tsa kgaolo ya Legare, tsotlhe di kopane ka go tsaya maemo a ntlha a lekwalo la bosupa ka 93.3 mo lekgolong. O tlhalositse fa ba tlaa bo ba etela dikgaolo tse di kwa ntle go isa ditlamelo tsa bana ba dirisa dikokelwana tsa nakwana (mobile clinics). A re letlhoko la koloi go tshwara dinotshi a di fudusetsa kwa a di ruetseng teng le yone ke nngwe ya dikgwetlho tse a nang natso, selo se se bayang kgwebo ya gagwe ka fa mosing. O supile fa UDC e tsere tshwetso ya go lebelela le go fa phathi eo sebaka sa go ipaakanya le go itharabololela mathata pele ga UDC e ka tsenya letsogo. E rile a fa bagwebi ka ene bopaki, Mme Kgalalelo Shoshong yo o itshetsang ka go roka a bua fa a godile a batla go nna moeteledi pele mo tirong mme toro ya gagwe ya fetoga boammaaruri. A re mo Botswana batho ba le dikete tse di makgolo a mararo le boferabobedi ba tshela ka mogare ebile ba le mo diritibatsing. E rile a buisa phuthego ya kgotla bosheng, Kgosi Ramokobetwane a bolela fa dikgang tsa tlhalo tse ba di amogetseng di ba tshwenya thata ele ba bogosi gonne motho o kgona go nyalwa kgwedi mme ere e esi e e fifing a bo a tlhalwa. Mo go tse dingwe, Dr Venson- Moitoi o ne a itsese banni fa go tlaa sekasekwa molao wa bojalwa. Mosadi o ketekilwe Kwa motsubong wa tiro go ne go leba yo o sebete fa matlhogoputswa a ne a bina dipina tsa setso tsa setapa, borankana le dikgafela. O ne a tlhalosa gape fa dikatso tseo di ka okela batho ba dikitso tse di rileng mo dikomiting tseo, selo se a boletseng fa se ka tlotlomatsa boleng jwa dikomiti le go di thusa go dira tiro ka bokgabane jo bo fetang jwa nako eno. A re o lebogela gore ka go ya leobo la kgotla e ne ya rotloediwa thata kebanni ba motse ka ba ne ba e tsaya ka mashetla ebile ba na le tumelo e etletseng ya gore ke ya bone. Rre Makgalemele o boletse fa mmuso o ikaeletse go dirisa lenaneo la ESP go tlhabolola seemo sa ditsela, go tokafatsa seemo sa thuto, go lwantsha letlhoko la ditiro le go atolosa dikokelwana gore di kgone go nna le matlwana a pelegiso. O rile ba kgokgontshiwa go menagane ka e a re tona mongwe a ba lekola, ba lephata la ditsela e bo e le gone ba gopang tsela mme mo nakong eno ga go a dirwa le fa ele sepe. Mapodise a leboga
 banni Emelang thuto ya bana ka dinao-Mangole A re o dumela ntle le pelaelo epe gore fa banana ba ka ikanya temo ba ka fedisa letlhoko la ditiro le le ba apereng mme ba kgona go ipulela dikgwebo ka jaana puso e tsweletse ka go tokafatsa mohama wa temo-thuo mo lefatsheng leno. A re Tirelo Setshaba ya gompieno e pharologano ka gore ga e patiki ope, e bile bana ga ba sa tlhole ba kgaoganngwa le batsadi le masika a bone. Fa a tswelela a ba ema ka lefoko, a re fa ba ntsha ba seka ba kgatlha motho mme ba kgatlhe Modimo. Rre Tsogwane o gakolotse setshaba go tsweledisa mekgwa e e neng e thusa gore ba tshele ka tshwaragano, lorato le go thusa ba ba tlhokang. Mo godimo ga mo a re puso e ile ya tlhoma lekalana mo sepodising go itebaganya le bogodu ja leruo gore ba sireletse itsholelo ya Batswana. Kgosi Segale o ne a lemotsha Tautona Khama fa batshwara madi mo dikgaolong ba sokola ka lebaka la dikoloi mme jalo bangwe ba bone ba felela ba pagama dikoloi tse e seng tsa puso mme seo se borai ka dilalome di ka ba a phamolela e bile gape e se yone tsamaiso. O ne a supa ketsaetsego ka go agwa ga kokelo ya Lerala le go godisiwa ga e e teng ka lenaneo la ESP, a re ga a tlhaloganye gore a mafoko a ga Tautona a kgotla a kago ya sepatela a emisa go godisiwa ga kokelo ya Lerala, mme a lebogela gore Lerala o ya go nna kgaolo-potlana e le go atumetsa ditirelo kwa bathong. O ba rotloeditse go tshepha le go dira ka thata mo dithutong tsa bone ka ke tsone di ka tsogang di ba betlela ditiro morago ga ba di fetsa, ebile di ka thusa thata gore ba itirele dikompone mme ba thape bangwe ka bone. Mogolwane mo lephateng la matlhoko a leruo kwa Letlhakane, Rre Phepafalo Lenkobe o tlhomamisitse tiragalo e mo go yone dihutshane di ganyaotsweng ke legadima. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana Rre Pako Ramaselwana o ne a lebogela dimpho tse Rre Thamane a di abetseng sekole, le go bo lekalana la gagwe e ikabetse sekole seo. O tsweletse a bolela gore lerato le botlhokwa, a rotloetsa gore go ratwe go bo go tlhokomelwe ba ba tlhokileng lesego jaaka ba-na-le-bogole, a tlatsa ka gore dikereke di nna di le kwa pele. Mo go tse dingwe, Supt Jorowe o kopile setshaba go ba batlisa manweenwee mangwe a go bolelwang a thukuthile lebentlele lengwe bosigo jwa Mosupologo kwa Lehututu. A re phimolo keledi ya balemi-barui ba ba neng ba senyediwa ke diphologolo tsa naga e tsweletse mme go setse go duetswe P109 640, a duelelwa ditshenyo di le masome matlhano. O tlhalositse fa a tswa kgakala a rata go apaya borotho e bile a kile a bereka mo lebentleleng la Spar, mo kapeing ya borotho. Kgang e, ke nngwe ya tse tlhano tse mo go tsone Zulu a lebisitsweng molato wa go utswela Mme Bame Motswari dipodi, dikoko le dithoto di akaretsa dikupu le digarawe kwa masimong a Mmatema-tema kwa Kweneng Phalane a tlhola ga bedi. Ba re se se utlwisang botlhoko ke gore tshenyo e ke selo modiro ngwaga le ngwaga mme ga ba nke ba atswiwa ka sepe. Fa a a fa malebo, mokhanselara wa Bokaa, Rre Ellias Nthokgo o ne a tlhalosa fa le bone dikotsi tse di diragalang mo kgaolong segolo thata fa diponeng tse di laolang mosepele tsa Bokaa di ba tshwentse fela thata e le makhanselara. A re se, se dira gore batho ba ye kwa posong, kwa ba tlaa bonang dithuso tsotlhe teng. O kopile morafe wa Maboane go tswelela ba tshwara letsatsi la ngwao gore le gole jaaka kwa merafeng e mengwe. E rile a bua mo potsolotsong, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme Lesego Ndebele a tlhalosa fa go nwa phetelela moo go dira gore bana ba seka ba laolesega. Ba ne bakopa gore mo kabong ya madi ya ngwaga ono ba rekelwe dikoloi tse di pegang balwetse le di dirisiwa tsa itshireletso. Mo go tse dingwe banni ba re ba tshwenngwa ke leobo la kgotla ya bone le le tserweng ke phefo ngwaga o fetileng o fela mme ga ba bone thuso epe. O tlhaloseditse baithuti ba sekolo sa ithutelo tiro ya diatla sa Kweneng Bophirima Bridgade kwa Takatokwane mo phuthegong e ba neng ba e biditse go tla go amogana le bone ka ditirelo tsa lephata la boipelego, fa thuto ya diatla e le mmangmang ka e le bogadi bo gaufi go betla mebereko. A re lerato la gagwe mo thuong le tlhotlheleditswe ke sebaka se a se tsereng a direla kwa ofising ya matlhoko a leruo ka lenaneo la Tirelo Sechaba. Le fa go ntse jalo Mme Molamu o supile fa kgwebo ya gagwe le tse dingwe tse dipotlana di babalelwa ke go reka didirisiwa tsa go roka di tshwana le matsela kgakala jaaka kwa Gaborone le Molepolole. A re bogogi jwa sekole bo ne jwa dira maiteko a go ya go ba batla mme ba fitlhela ba apeile kgwathe oo kwa morakeng wa mongwe ka beng ba moraka oo ba ne ba seyo. A re se ba se lemogileng ke gore gantsi borre ba gatisiwa legala ka go gogelwa fa pele ga molao gore ba tlhokomelele bana kwa ga mmakaseterata le ntswa ba ne ba ntse ba tlhokomela bana sentle. Ba rotloediwa go dirisa lekalana la CEDA le LEA O kopile banana go tsaya karolo mo komiting e le go rola bagolo morwalo ka ba setse ba lapile. A re bomme ba tshwanetse gore ba seka ba ineela motlhofo fa ba kopana le mathata mo malapeng a bone mme ba ikanye thapelo ka nako tsotlhe. Banni ba ne ba ipelela boipuso ka go bala molaetsa wa ga Tautona mme morago ga moo mmino wa dikhwaere ka go farologana, maboko le mmino wa Setswana tsa nna matsorotsoro mme melaetsa ya tsone e remeletse mo go bueng ka boipuso jwa masome a matlhano le kwa lefatshe leno le tswang teng le kwa le yang teng. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Takatokwane bosheng, mogolwane wa ofisi ya tsa kgodiso le tlhabololo ya leruo go tswa Letlhakeng, Rre Bakang Keinyatse, a re puso e sa tswa go simolodisa lenaneo leo mo dikgaolong tsa Kgalagadi, Ghanzi le bontlha bongwe jwa kgaolo ya Ngwaketsi go akarediwa Kweneng. Kgosi o tlhalositse fa kgotla ya gagwe e agilwe mo lotshitshing lwa noka ya Thakamalane, ka jalo metsi otlhe a pula a a elelang a tswa bophirima jwa motse a ralala kgotla ya gagwe go kgokologela mo nokeng. A re e re ka mmuso o ikaelela go dirisa bontlha bongwe jwa madi a a beilweng kwa mafatsheng a sele go lwantsha letlhoko la ditiro, go tsosolosa itsholelo le go rotloetsa Batswana go simolola dikgwebo tse di ka tswakanyang itsholelo, o ka itumela fa banana ba ka ipaakanyetsa go ikopela ditiro di tshwana le go shafatsa dikago tsa mmuso jaaka matlwana a borutelo, matlo a boroko jwa barutabana le go dira ditiro tse di neng tsa salela morago ntateng ya tlhaelo ya madi e e bakilweng ke kwelotlase ya itsholelo ya mafatshe. A re ke selo modiro gore bo Tautona ba lefatshe leno fa ba setse ba digetse lobaka lwa bone ba a laela, mme Batswana ba ba direle dimpho tse di ba lebanyeng. Kgosi Kgakanyane o kopile setshaba go tsenelela mananeo a twantsho borukutlhi le go a tsaya ka tlhoafalo ga mmogo le mananeo a bontebele ke go lebele ka go supegile fa a ka kgona go lwantsha borukutlhi. Rre Tekane o tsweletse a bolela fa tiro ya go ruta bana e le bokete ka jalo e batla tshwaragano ya batsadi le barutabana le setshaba ka kakaretso, a re o itemogetse tirisano mmogo le tshwaragano ya batsadi le barutabana ba sekole seo. O tsweletse a tlhalosa gore madi a P100 000 a tla dirisiwa go agelelwa tshingwana, go gokela le go dira moalo wa phatlalatso ya metsi. Maikaelelo a loeto e ne e le go utlwa matshwenyego a babereki, go bona seemo se ba berekelang mo go sone le go thusana gore go ka baakangwa fa kae. A re ditlhwatlhwa tsa nama e e rekisiwang kwa mafetseng a a kwa ntle, segolo jang a Yuropa (EU) di kwa godimo fa di tshwantshanngwa le tsa nama e e rekisiwang fela mo Botswana. O kopile batlhokomedi ba ba-na-le bogole gore ba seka ba tlhajwa ke ditlhong ba ba ntshetse mo pontsheng le go ba fa sebaka sa go ithuta. Kgosi Petelelo o ikuetse mo banning go dirisa mpho ya bone sentle ka kelotlhoko ka e le tshegofatso ya Modimo go bo ba agetswe matlwana ao ntleng ga tuelo epe. A re go aga leobo le le nang le diofisi ke keletso ya morafe ya go fetola motse wa Mmadinare go nna kgaolo-potlana ya khansele gore banni ba motse ba tle ba kgone go bona ditirelo tsa khansela gaufi go na le go di latela kwa Bobonong. Sebui sa tlotla, Mme Pauline Sephiri, yoo eleng kgosana ya kgotlana ya Mothupi kwa Tsabong, ene o boletse fa segopotso se simologile ka ngwaga wa 1983. A re kanamiso ya diritibatsi tsa mogare wa HIV le yone e a nametsa ka dikokelwana tsotlhe mo toropong di fa kalafi eo Mosupologo go ema Labotlhano. A re setshaba se santse se le maoto a tshupa go dirisa dithuso tsa bone le fa go ntse jalo a supa fa ngwaga ono go tokafetse. Moruti Motlhasedi o rotloeditse batsadi gore ba nne dikao mo baneng ba bone ka boitshwaro bo ka ba sireletsa mo go tsa tlhakanelo dikobo ba sa itshereletsa. Rre Guma a re tsholofelo ke gore go tle go ntshiwe ditone tse di ka tshwarang dikete di le makgolo a le lesome le bobedi (120 000) ka ngwaga. Tautona Mokgweetsi Masisi o lekodisitse Batswana ba ba nnang kwa eSwatini fa puso e ikaelela go dira diphetogo dingwe ka bofefo tse di tlaa dirang gore itsholelo e tokafale. A re mo bogompienong motsana wa Qabo o na le sekolo se se botlana, le kokelwana, a supa fa ditirelo le mananeo a puso di goroga sentle kwa banning ba Qabo. Motsadi wa go nna jalo o ka atlholwa dingwaga tse tharo go ya kwa go tse di supang mo kgolegelong fa a itlhokomolosa dikgang tse mme a di bona, Rre Molebatsi a tlhalosa. Ba lephata la boipelego mo khanseleng le bone fela jalo ba ne ba itumelela tiro e, ba felela ba mo isa kwa dithutong tsa go bopa dibeke tse pedi kwa Makopong. A re o thusitswe ka P90 000. Amogelang diphetogo - Seretse Kgosi Diteko Salepito o boletse fa a tshwenyegile ka bontsi jwa dikgang tsa bogodu jwa leruo tse di begwang kwa kgotleng ya gagwe. O ne a supa matshwenyego ka bangwe batho ba ba senyang terata e e ageletseng lefelo leo le go tsoma diphologolo tse di sireleditsweng mo teng. Rre Mokaila o akgotse boeteledipele jwa kereke ya Galalea le maloko a yone, gore ba diragatsa lengwe la matshego a Tebelelo pele ya 2016, ya setshaba se se kutlwelo botlhoko e bile se kgathala ka matshelo a ba bangwe. O boletse fa tirisano mmogo ya bomme ba e dirile gore kompone ya gagwe e bo e le fa eleng teng ebile e itsega kwa mafatsheng aa tsididi. Rre Samson o ba kopile go tlhapa diatla ka metsi a a phepa le molora le di bolaya mogare, go thiba molomo le nko ka khuti ya sejabana fa motho a gotlhola kana a ethimola, go ikgapha mo go botlhe ba ba nang le dikai tsa mhikela le fa go leng mosuke teng. Rre Ramaabya a re o tshwenngwa ke dikgang tsa bogodu jwa leruo tse di tshololwang morago ga go tlhotlhomisa, se a reng ke go senya ditsompelo tsa mmuso. Mokhanselara wa Ditshegwane/Maboane, Rre Tsabahule Kgothang o ne a kopa gore go dirwe thulaganyo ya go neela motsana wa Masope tshwanelo ya go amogela ditirelo ka fa tlase ga motse wa Maboane. Otsile Gaboinewe o ne a tlhalosa fa e le ruri tirisanya ya batsadi e le teng ebile e itumedisa ka jalo se se tlhofofatsa tiro ya bone e le mapodisi. A re o ne a le teng go neela bana tse ba di tlhokang le go ba rotloetsa, fa tiro yone e ne e dirwa ke bana ka go ithuta ka ditlhophana, kwa malapeng le mo sekoleng. Molaodi o ne a re ba ne ba tlhomamisa bogakolodi pele ba ka diragatsa molao. Ba Otse ba kgothadiwa go nyalana kafa molaong O tlhalositse mo potsolotsong le ba lekalana la dikgang a re, go supagala fa magodu a ba dira jaana ba itse fa go sena yo o ka ba bonang ka dijarata tse di le kgakala le batho. Le fa go ntse jalo o kopile batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone a supa fa thuto e le boswa. A re ka madi a temo o kgonne go phunya sediba, maikaelelo e le gore mo isagong a tswakanye temo ya gagwe ya komelelo ka temo ya nosetso. Rre Gaoforwe a re gantsi bagwebi ba kgobiwa marapo ke ditselana tse ba tshwanetseng go di sala morago fa ba kopa madi go tshwana le ya go tsisa sesupo sa ka fa o tlaa tsamaisang kgwebo ka teng. Are o kgonne go godisa bana ba gagwe botlhe ka madi a a neng a a dira mo thekisong ya merogo ka jalo gagona ope ngwana wa gagwe yo o thusitsweng ke goromente ere lentswa a ne a le motlhoki ka a ne a itlhophela go ikapola lehuma ka go ikemela ka dinao. O tsweletse a re go botlhokwa thata go ruta bana ka tsa maranyane ba sa ntse ba le kwa tlase ka go ka ba bula ditlhaloganyo. E rile a afa malebo, mokhanselara wa Nata Bophirima, Rre Mbanga Mbanga a leboga Tautona go bo a ne a tla ka moono oo wa Makgadikgadi Epic. Mokhanselara wa Maitengwe Bokone, Rre Milidzani Chose o boletse mo potsolotsong gore bone e le makhanselara a Domkrag ba ne ba mo tlhopile go ka ba ba etelela pele mo dingwageng tse tlhano mme o ba swabisitse. Mme Lefifi a re ka jaana banana ba kopana le dikgwetlho tse di farologanyeng mo botshelong, go botlhokwa gore ka dinako tsotlhe ba tsibogele go kopa bogakolodi le tshidilo maikutlo mo go ba boipelego, dikereke le batsadi go na le go ikgapela matshelo. Le fa gone go ise go gokelwe motlakase, go na le motlakase o dirisang marang a letsatsi. Jaaka mo nakong eno re phatlaladitse lenaneo la theko ya kgwedi ya Phalane, marekisetso otlhe a re yang kwa go one re patwa ke ba sepodisi le ba matlhoko a leruo mme e bile theko e ka seke e nne teng fa ba seyo, ga tshwaela Dr Tombale. Mme Kenalemang o tlhalositse fa maranyane a siame mathata e le dikhomputara tse di bokoa mo ba faletsang ba tlamega go dira ka diatla. O tsweletse a re ba na le maikaelelo a go laletsa maphata a a farologaneng go ruta badiri ba khansele eo ka dilo tse di farologaneng di akaretsa go ba tlhatlhelela ka tiriso sentle ya madi ga mmogo le go rupa ga borre gareng ga tse dingwe. O ba rotloeditse go thusana, bogolo jang ka nako ya ba tsena mo setswalong, A re se, se tlaa ba tiisa le go ba ruta gore e tsoge e nna bomme ba ba nang le boikarabelo. O bile a re UDC ga e tsee letlhakore ka makgotla a BMD le AP, mme o ne a re ba lebogela gore BMD e bo e amogela dikgakololo tse e di filweng ke UDC le fa gongwe ba sa di rate, mme a re ba phathi ya AP ba santse ba ikaga, ba itshekatsheka, ke gone go ka tsewang ditshwetso. Dr Kedikilwe o ba lebogetse go tseela kwa godimo kagelelo ya masimo a bo a ba lekodisa ka tiriso ya metsi a a dirisitsweng mo temong ya nosetso, a supa gore gongwe mangwe a tla a nowa jaaka go dirwa mo mafatsheng a re bapileng le one. A re go thata mo go ba bangwe gore ba nyalane ka mabaka aa farologaneng a akaretsa go ntsha bogadi le lone letlhoko la one madi a go dira mokete a tlatsa ka gore ka lenaneo la Re a nyalana batho fa ba na le keletso ya go nyalana ba a thusiwa gore ba kgone go diragatsa maitlamo a bone. A re a itsese ngwana ka ga dipelaelo tsa gagwe mme a mo lemotshe gore o tshwenyegile. Rre Ramokwena o rile e re ka tona Siele le Kgosi Kgamane ba sa ikaelele go rarabolola kgang ya bogosi jwa motse wa bone, e le banni ba dikgotla tsa Bokaa le Phaleng ba tsere tshwetso ya go dira dipopelelo go ngongoregela go tlhoka go tsaya ditshwetso tse di maleba ga ga Rre Siele le Kgosi Kgamane mabapi le bogosi jwa bone, jo ba reng bo lebagane Kgosi Sejakgomo Ntsaga boemong jwa ga Kgosi Felix Kgamane. Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena o akgoletse lelwapa la bogosi kwa Hatsalatladi go amogana marapo go sena manganga ape. Seemo se felela se folodisa maiteko a puso a go lwantsha kanamo ya mogare mo setshabeng. Mookamedi wa lekgotla le le itebagantseng le go rotloetsa banana go tsibogela go tlhopha, la Organisation for Youth and Elections in Botswana (OYEBO), Rre Bernard Bogosi, o tlhalositse se fa a bua le manotonyana a banana ba na neng ba tsile pitsong ya lekgotla leo ka Matlhatso mo Ramotswa. A re go dira jalo go tlaa neela ba-na-le bogole sebaka sa go ipetlela isago e e lakaselang. Mookamedi wa kgwebo ya Mother Earth Flourist, Mme Lorato Toto, a re lerato la gagwe mo dithunyeng ke lone le mo gwetlhileng go bula kgwebo ya mofuta o. Banni ba dikgotla tsa Tidimalo, Dilaene, Madiba le Madiba14 tse di bidiwang Tidima ka bokhutshwane mo Mahalapye, ba kokoanya madi go dira ditlhabololo mo dikgotlaneng tsa bone. O tlhalositse fa go le motlhofo go tlhagola mhero le go laola diji fa tshimo e lemilwe ka ditselana go na le fa go gasitswe. Se se ne sa seka sa dira gore a ineele mme a tsaya kgato ya go ikopela madi a go simolodisa kgwebo e gape kwa lephateng la Banana, Metshameko le Ngwao ka lenaneo la Youth Development Fund.(YDF) O ne a seka a atlega ka a ne a se na dipampiri tsotlhe tse di neng di tlhokega. Bangwe ba ne ba ntsha leina la ga Kgosana Senwedi fa ba bangwe ba ne ba re Kgosana Kebuamotse. A re go botlhokwa go ithaopa go thusa sekole ka go arogana le baithuti talente e motho a nang le yone, ka thuso e se ya madi fela. A re ba lekile go kopa thuso mo go boradikompone mme ba itswela fela ka mabaka a a farologanyeng. O kopile botlhe ba ba neng ba salela kwa morago go ititaya ka thupana nako e e tlang ka maiteko a bone e le go dira se se tlaa tokafatsang matshelo a banni ba Selebi Phikwe ka kakaretso, segolo jang ba mhama wa bodiragatsi le dikgwebo. Pina ya setshaba e a tlotlwa - Phiri Mme kwa phelelong a kgona go boloka madi a a kanang ka P25 000, a e leng one a a dirisitseng go bula kgwebo ya gagwe. A re gape o itshetsa ka thuo ya dipidipidi tse a supileng fa di kgatlhegelwa ke banni ba motse, ka gore fa o di ruile ga o tshwenngwe ke digagabi di tshwana le dinoga le diphepheng. O boleletse phuthego e e neng e tsenwe ke maphata a a amegang mo go tsiseng ditlamelo gore ba itse fa ditlamelo di se na go tla ka letsatsi. Tidima o a ipelega O ne gape a rotloetsabanana ba ba setseng ba na le bokgoni jwa go bopa dinkgwana go ipopa mme badire dikoporase ba kgone go intsha mo lehumeng. Se se bakang letshogo mo banning ke gore go bolelwa fa setlhare se, se sa siamela botsogo jwa batho. Mokhanselara Rre Moribame a re khansele eo e dirisa madi sentle e bile e aga matlo a mangwe a tlaleletso a banni ba metse e e kgakala le ditlamelo (RADP) a le marataro, tiro e e supang fa e sa ntse e tsweletse. A re puso e na le ka fa a dirang dilo ka teng, mme le fa go ntse jalo, ba seka ba tlelwa ke boitlhobogo ka tota tsholofelo e sa tlhabise ditlhong; dilelo tsa bone di tla arabiwa motlhamongwe. A re monna yoo, yo a kileng a dira mo sepodising sa Botswana e le lepodisi la nakwana kwa Mahalapye, mme jaanong e ne e le moithuti mo sekoleng sa ithutelo ditiro tsa diatla kwa Francistown, o bolaile mosadi yoo ka go mo tlhaba ka sengwe se se bogale mo molaleng, mme morago a ikgapela botshelo ka go ikaletsa kwa masimong a Kainangwe. Mookamedi wa ofisi ya sepodisi ya Mochudi a re thibelo le twantsho borukuthi ke maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe. Go etsa ba bangwe ga go ntshe maduo O ne a supa fa mo nakong eno ngwawa wa mosetsana a sa sireletsega ka jaana ba dirisiwa botlhaswa ke borre ba batona. A re le diretswe go tsweledisa letso la setho le gone go aga lelwapa la motia. O gwetlhile balemi go oketsa ditema tse ba di lemang kwa masimo a tlatsa ka gore bontsi jwa balemi ba kgaolo ya Bobirwa ba tlwaelesegile thata ka go lema diekere tse di nyennyane. A re bana ba ba setseng ba dule mo sekoleng ntateng ya boimana fa e sale ngwaga ono o simologa ba lesome le bongwe fa go tshwantshanngwa le ngwaga o o fetileng mo nakong eno ka ba ne ba le masome a mabedi le bosupa. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Ledule Baraki o ile a kopa matona a lephata la temo thuo, la diphologolo le makgabisa naga le la dikgaolo le tlhabololo matshelo a selegae go ba etela go tla go utlwa matshwenyego a bone. E rile a bua mo phuthegong ya batsadi le barutabana e e neng e tshwaretswe kwa sekoleng seo bosheng, morutabana yo o okametseng mephato e e kwa tlase mo sekoleng seo, Mme Keneilwe Kepaletswe a bolela fa gantsi batsadi ba emela maduo a lekwalo la bosupa e bo e le gone ba ngongoregang. O tlhalositse fa ba lekana la CEDA ba ikiteile sehuba go ema bagwebi ba ba botlana nokeng ka go ba adima madi a a simololang ka makgolo a matlhano a dipula a ba a tlhokang go oketsa dikgwebo tsa bone gore di gole di kgone go phadisanya le tsa lefatshe ka bophara. E rile a tswa la gagwe Kgosi Basadi Seiponi wa Kang a supa fa magosi a goga dinao fa go tsena mo go tsa thuto, a bolela gore fa dikgosi di ne di na le seabe mo dithutong tsa bana, sekole se segolwane sa Matsha se kabo se sa tswa mo taolong. Kgosi Phuthego o buile se fa a amogela morafe kwa kgotleng bosheng. Ka maano a sa site, Mme Matenge o tlhalositse fa gangwe le gape a tsaya ditlhare tsa gagwe go ya go di rekisa kwa mafelong a mangwe jaaka kwa toropong ya Francistown. Tona o ne a supa fa lenaneo le le tla sologela setshaba mosola ka gore tlhaelo ya bodiredi e tla fokotsega mme Batswana ba bone ditrirelo ka nako. O kopile sechaba go nna ba akgola puso fae dirile sentle le go bereka mmogo go sena nyenyafatso le tlhaolele. Rre Motlokwa o tlhalosa gape gore dilwana tsa gagwe o di rekisetsa mekgatlho ya mmino wa Setswana ka go farologana le mongwe le mongwe yo o batlang go reka ditlhako tse di thata. A re go lema ka ditselana ke yone fela tsela ya go lema e balemi ba rotloediwang go e dirisa. Le fa gone go na le dikgwetlho tse dingwe di akaretsa diji le malwetse a ditlhare, Mme Matenge o ikemiseditse go wa a tsoga le kgwebo ya gagwe ka a beile thata mo go yone go kgona go oba letsogo. Le fa go ntse jalo, o kaile fa ba tlhaelelwa ke madi a go dira mananeo a bone, mme a supa fa ba solofetse fa puso e tla ba tswa thuso. O supile gore morago ga tiro e go ne go bewa letlhaku la mosu kgotsa mongana fa go neng go tlhabelwa thobega teng go itsa gore motho kgotsa phologolo gate foo ka phoso. A re fa motho a tla thobong o tshwanetse a baakanyetsa motlha wa go jwala, ka jalo o tshwanetse a bo a na le boikarabelo le tumelo ya gore letsatsi lengwe go tlaa tlhoga. Dikgafela di rotloetsa temo Setopo se kwa setsidifatsing sa kokelo ya Tutume go tlhatlhojwa ke ba bongaka,fa mmelaelwa a santse a tsene ka lenga la seloko. Go na le melao e mengwe gape ya go tlhatswa madi ( O ne a supa gape fa palamente e ne ya dira molao o mongwe wa borukutlhi jwa maranyane ( Molao o wa borukutlhi jwa maranyane gape o sireletsa bana gotlhe le bagolo ba ba dirisiwang botlhaswa ka go tsewa dinepe ba sa apara. A re thito e ne e inwa mo metsing a a bothitho mme morago ga metsotsonyana metsi ao a dirisiwe go tlhapisa motho fa a robegileng teng. Go agelwa matlwana a boitiketso mo malwapeng a le masome a le marataro le bobedi e nnile phetogo e kgolo thata mo morafeng wa kgotla e, ka gore ba filwe tlotla le seriti se ba ntseng ba sena sone. A re puso e ne ya reetsa mme ya dira molao oo mme mapalamente a dumalana palo ya 150. O kgothaditse baeteledipele go tswa ka maano a a ka tswelang morafe mosola. Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto, yo o itebagantseng le tsa boitseanape jwa dikago, Rre Motshidisi Rakwadi o ne a tlhalosa fa a rolela mogokgo wa sekole seo dikago tseo ntswa go na le fale le fale fa go tshwanetseng go baakanngwa ke ba ba neng ba di aga. Kgosi a re Tautona Lt Gen. O kaya fa di okeditse botsipa le bokgoni jwa gagwe mo go tsa botaki jwa pente. Moithuti Game Ishmael le ene o ne a leboga kemo nokeng ya Spirit Embassy, a re go a lebosega go bona batsadi ba na le seabe mo botsogong ga mmogo le thuto ya bone. Batawana ba dumalane ka bongwe fela jwa pelo go dira ba le seopo sengwe ka maikaelelo a go somarela lefatshe la bone le matlotlo a lone. Rre Siabatho o ne gape a kopa khansele ya Kgatleng go ba thusa go baakanya dikago tsa metlobo ya dibuka, a re marulelo a wetse, mo go dirileng gore didirisiwa jaaka di-computera di tsewe ka di ne di sa sireletsega. O ne a supa fa palo ya batho ya 2011 e supa fa ba-na-le bogole mo lefatsheng leno ba le 59 103, mme a tlhalosa fa bo-na-le bogole bo sa itse ope go ka akola mananeo a puso a maikaelelo a one e leng go tlhabolola botshelo jwa Batswana. E ne ya re a ema tshutiso eo nokeng, Mokhanselara Kudzani Tobokwani wa Themashanga a tlhalosa fa nako e gorogile ya gore lefatshe leno le supe fa le lemoga botlhokwa jwa maloko a dikomiti tseo, mme a supa fa go ba fa lemmenyana e le nngwe ya ditsela tse di ka dirisiwang go supa seo. Kgwebo e, le fa e ne e reketla ka ntlha ya letlhoko la madi, o ne a tle a tsenelele dikgaisanyo tsa banana tsa Youth Rally kwa Molepolole a sugile letlalo, le bo le tshwantshiwa diphologolo tsa naga, mme a tseye maemo a ntlha mo dikgaisanyong tseo. O boletse fa morafe o dumalane go aga leobo le le nang le diofisi ka go farologana ga mmogo le ntlo lehalahala go tlaa tshwarelwang ditiro mo go yone. Rre Ottapathu a re maikaelelo a bone ke go tswelela ba thusa ka go hira Batswana le go agela ba ba tlhokileng lesego matlo. Mo sebakeng se, monana yo a re kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle e bile o dira ditlhako tsa boleng jo bo kwa godimo tse di tshwanang le tsa Omega, Grasshopper le tsa manyalo tse ga ntsi a di segelang banyadi le baetsana. Superintendent Maniki a re kwa bofelong batho ba ba rekisetsa dikoloi tsa ba bangwe ka maina a diteseletso tsa bone. O gakolotse banana go tsaya thuto ya bone ka tlhoafalo le go e ikgapha mo dilong tse di ka ba kgoreletsang go ithuta. Mme yoo wa mogwebi yo o dingwaga di 49 o sale a tlhamile kgwebo ya gagwe e potlana ka lobaka lo lo leele. O tlhalositse fa dimpho tsa go nna jalo di ntshitswe ka boithaopo. Modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi o kopile badirelapuso ba ba direlang kwa motseng wa Takatokwane go tsibogela go isa ditirelo gangwe le gape kwa setshabeng go amogana le bone dikitso ka mananeo le ditirelo tse ba ka di fitlhelang mo maphateng a puso. E rile a ama tsa ditlhabololo, Rre Mzwinila a tlhalosa fa Tshokwe a tlaa bona ditlhabololo ka lenaneo le le faphegileng la ditlhabololo tsa dikgaolo tsa botlhophi jaaka kago ya matlo a mararo a ditlhabololo tsa motse, lebone le le bonelang kgakala, fa matlo a mabedi a borutelo a tlaa agwa kwa sekoleng se sebotlana sa Tshokwe. Rre Moreetsi Mogolo o buile se kwa moletlong o o neng o rulaganyeditswe go abela balemi ba masimo a Bobonong borwa dietsele ka Laboraro (Phalane a tlhola ga tlhano). Makhanselara ba kgaolo potlana eo ba supile fa sa kgotsofalele tsamaiso ya khamphani ya metsi bogolo jang mo tsamaisong ya kgokelo ya metsi, dituelo tse di kwa godimo le tsibogo ya go baakanya dipompo tse di thubegileng. A re go le gantsi baithuti ba imisiwa ke banna ba motse e seng baithuti ka bone. A re moikopedi o neelwe dilotlolo tsa ntlo ya gagwe fela fa e sena go wela, e tsentswe sengwe le sengwe kwa ntle ga kgokelo ya motlakase fela. Mopalamente o ne gape a tsibosa banni ka tshwetso e e tserweng ke puso ya go fetola molao wa tsamaiso ditlhopho go lere tsamaiso e ntsha ya go tlhophisa ka mochine wa maranyane (EVM). A re mo diphuthegong tse a ntseng a di tshwara, bagodi ba a lela ka jaana go sena mananeo a a ba lebaneng mme ka jalo ba salela kwa morago mo go itireleng. Fa a tswa la gagwe Kgosi wa motse wa Mmathethe Kgosi Daniel Mathiba a rotloetsa morafe go ititaya ka thupana go isa leruo merakeng a tlhalosa fa le eja metseto ya bana mo metseng mme se le bakele bolwetsi jwa mabele le bo le bona tlhwatlhwa ee kwa tlase kwa matlhabelong. O boletse fa tsamaiso ya bogosi ya go bitsa dikgafela e le botlhokwa ka gore e rotloetsa morafe go ntsha dijo mo masimo, a re tsamaiso ya teng e tsamaelana le tiro ya ephata la gagwe ka gore ba rotloetsa morafe go lema dijo. Mme Kgathola a re go a ama gore e re ntswa mo malatsing a maloba lehuma e ne e se poko, mo bogompienong batho ba tsaya fa go sa ineeng sepe e le sengwe se ba tshwanetseng ba se tlotlomatsa ba bo ba ipelafatse ka sone. A re batsadi ga ba dirise mafoko aa siameng fa ba bua le bone fa a ba tshwantshanya le barutabana. Assistant Superintendent Hulela a re ba ne ba utlwa fa tota maikaelelo a rre yoo e ne e le go bolaya wa mme pele a ka ikgapela botshelo mme ke gone erileng seo se retela a bo a fetsa jwa gagwe a le nosi. A re le ntswa ba botsogo ba dira maiteko a go ntsha dikgakololo tebang le bodiphatsa jwa tlhakanelo dikobo go sena itshireletso bogolo thata fa bobedi bo sa itse seemo sa mogare, go supa fa dikgakololo tse di sa tsewe ka tlhwaafalo ka jaana seemo bifela pele. E ne ya re ka Labotlhano khansele potlana ya Bobirwa ya tshwara phuthego ya go ntsha pego ya kakanyetso ya kgaoganyo madi a ditiro tsa khansele ya ngwaga 2016/2017. A re dipalo tseo di ile kwa tlase mme go santse go tshwenya. Go betla ga go motlhofo jaaka motho a ka akanya mme go tlhokana le go nna kelotlhoko le go nna motho a itlhokotsa kgapetsakgapetsa gore a kgone go betla tse di elediwang ke batho. Superintendent Maphephu a re go lebega fa koloi e pitikologile ka bone fela e le nosi A re e re ntswa ba sa itse sese bakileng kotsi, ditlhotlhomiso di santse di tsweletse fa mmelaelwa ene a le mo diatleng tsa mapodise go leta tsheko. A re ba kgona go tsaya lobaka lwa beke tse tharo ba emetse dituelo ntswa ba weditse tiro ka nako. Bontsi jwa bone ba ne ba ikepela mo goreng, se se dirwa ke gore mapolotiki a ba itse fela ka ngwaga wa ditlhopho, mme go tsweng foo, ba ba phuaganye. Mme Kgotlaetsile a re maikaelelo a gagwe ke go tswelela a duela sekoloto go ya ka ditumalano tsa gagwe le ofisi ya banana, a tlhalosa fa a setse a duetse P25 000. Mongwe wa losika la bana ba ba tlhokafetseng, Rre Moitseemang Seloka, o ne a lebogela Mothusa Tautona go tsaya matsapa a go ba gomotsa. O kopile mopalamente go isa kgang ya tsela ya Modipane kwa palamenteng. Go ya ka kgosi ya motse oo, Kgosi Opelo Disang, matlo a le masome mane le bofera bongwe a agilweng ka mmu, a gosomantswe ke pula eo. O boletse gape fa a e bapatsa mo maranyaneng a Facebook mme o supile gape fa ba atle ba tsenelele mediro ya ICT Pitso le ya go isa maranyane ko bathong. Kgosi o supile fa bomme bangwe ba atisa mogopolo wa go tlogela borre ka morwalo wa bana mme fela ba e ba dira ape maiteko a go thuso borre ka ditlamelo tsa kgodiso ya bana. Bomme ba le lesome le rre a le mongwe ba nkamogela, Mme Samakha a tlhalosa. Mme Jorosi o tlhaloseditse bagodi fa mokgatlho oo o kwadisitswe ka fa molaong ka ngwaga wa 2003. Fa a araba dikopo tse di fetileng mo kerekeng eo, moeteledipele wa kereke ya Keresete Motswedi o ne bolela fa kereke ya Makopong, Khuis le Kolonkwaneng di tlaa agelwa ditempele tse disha le gore Tsabong le Middlepits tsone di tlaa ntshafalediwa matlo a kobamelo monongwaga. Mapodisi a Sejelo kwa Kanye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe a fitlhetsweng ka dipodi tse go belaelwang e le tsa bogodu di le lesome le bosupa kwa Motlhalawakgomo. Mohumagadi wa ga Tautona, Mme Neo Masisi, a re o tshwenngwa ke go oketsega ga dipalo tsa batho ba ba tlhokafalang ka ntata ya HIV le AIDS. Mme Segokgo o tlhalositse gore badiragatsi ka go farologana ba tlaa natefisa letsatsi ka mmino o akaretsa wa Setswana, polka, le wa dinnoto. Fa a lekodisa mopalamente ka ditlhabololo tsa motse, mogolwane wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC), Rre Isaac Siabatho a re ba na le mantlo a roba bongwe, mme a le mabedi mo go a robabongwe a sena motlakase. Rre Mogobe o buile mafoko ao kwa peong ya kgosana wa tetlanyo wa kgotla yoora Mongala mo Kanye Kgosi Tshegofatso Mere bosheng. A re se, se rotloediwa ke gobo go le gantsi mekgwatha ya go nna jalo e le bofefo go na le ditsela tse di bulegileng. Kgosi Kaisara Phuthego wa Maboane, a re ba tshwara letsatsi la ngwao go ipatla ba bo ba ikgakolola gore ke bomang, ba tswa kae le gore ba dira eng. Banana ba metse ya Takatokwane le Dutlwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba gakolotswe go ikgolaganya le lekgotla la boithaopo la Springboard Humanism kwa Molepolole go ya go tsaya botsipa ka methale ya itshetso le gone go ithuta ditiro tsa diatla gore ba itshimololele dikgwebo ba tle ba kgone go fetola matshelo a bone. Rre Daniel o tlhalositse fa ba kopetse baagi bangwe boroko jwa nakwana kwa sekolong se se botlana sa motse oo. Tshireletso o akgola Sabata Rre William o tlhalositse fa morafe o setse o simolotse go latlhela seabe sa one mo letloleng la tiro eo mme le fa go le jalo a gwetlha ba ba saletseng kwa morago go ikitaya ka thupana go tsenya letsogo ka tsela epe fela e ba ka e kgonang. O tsweletse a re tse tsotlhe ke ditiro tsa Modimo, mme e bile go supa fela sentle gore pholo e teng. Are bone sale ba sala mo masimo fa paka ya temo ee fitileng e fela mme a inaakanya le go lwantsha sera se go tweng tlolela mme nakokgolo ke eno ba santse ba tshwere. A batho ba tlhoafalele lenaneo le ba itsose, a tshwaela. Dikgakololo di tshwanetse tsa dirwa pele ga lenyalo, le tsweletse le gone morago ga lone batho ba tshwanetse ba kopa dikgakololo, ga tlhalosa molaodi. O ne a kopa banana gore ba tswe mo nnotaging mme ba nne sekao mo lefatsheng go gatela pele. A re molao o o gagamaditswe fela thata, mo eleng gore fa go lemosega gore motho o gweba ka diritibatsi, dithoto tsotlhe tse a di ikgobanyeditseng di a tsewa. O ne a supa fa gape ofisi eo e tsaya nako e telele go duela batho ba ba rekisetsang puso diruiwa tse di neelwang ba ba ka fa tlase ga lenaneo la LIMID. Ngwao bogologolo e ne e kgapha bana go ya ko diphatseng, go a ila, o ne a le teng, go ne go tshegeditswe molao go tswa mo batsading ba rona’’, ga bua Majagoba. Kweneng o saletse kwa morago O supile fa malwetse a, ga mmogo le dikotsi tsa tsela di tsweletse ka go gapa matshelo a Batswana. Rre Mangole a re se se supa fa gona le tiro e ntsi e batsadi le barutabana ba tshwanetseng go e dira go tokafatsa maduo a bana. Mme Makgato a re Rre Majaga ke morongwa wa tlhwatlhwa yo o ka emelang dikeletso tsa bone ka a na le bokgoni gape a tlhaloganya kgaolo botoka ka o tswa kgakala le yone. O tsweletse a re gape ba ikaelela go tlhabolola thuo ya dikoko tsa Setswana gore e kgone go dira dipoelo. Ba Lecheng ba leboga puso Ipelegeng ga se ya batswakwa A re botshe jo jwa dinotshi bo ka dirisiwa go alafa malwetsi a tshwana le jwa pelo, diphilo, sehuba le mathata a go tlhoka pelegi. Le fa go ntse jalo fa a tsibogela matshwenyego a banni, modulasetilo wa lephata la kabo ditsha o tlhalositse gore lefatshe ga le gole. A re setlhopha sa Phalana tsa Lekgarapa, se tlhamilwe ka ngwaga wa 2014 maikaelelo e le go lwantsha dikgwetlho tse di akaretsang botlhoka tsebe jwa banana. O ne a tswelela ka gore ba lephata la botsogo ba ne ba bona go le maleba go seegela dikgwedi tse pedi fa thoko e leng Motsheganong le Ngwanatsele go direla gore bana ba ba tlodilweng ke mekento ba kgone go kentiwa mo go tsone dikgwedi tse. O ne a ikemisetsa gore ga a kitla a bolawa ke tlala. Mo go tse dingwe o ne a rotloetsa bomme go dirisa mananeo a puso e a intshitseng go tlhabolola matshelo a bone go ba ntsha mo manokonokong a lehuma go tshela matshelo a a eletsegang. A re ba le bantsi ba tshwanetse go tsaya malebela mo go se se dirilweng ke khamphani eo, segolo jang ka e le ya banana. Letsatsi la ngwao la Barolong le ne le akaretsa mmino o o tumileng mo Borolong le merafe yotlhe ya Barolong go tswa khutlong tse nne tsa Borolong. Rre Odigetswe a re ba tshwanetse go bona gore kwa ba go tswang go ntse jang le gore ba ka go tokafatsa jang gore ba tswe mo letlhokong le ba leng mo go lone mme a supa gore se, se ka diragala fela fa e le gore go na le popagano ya bagolo le bana ba sekole. Nawa o tlhalosa thulaganyo ya thobega Rre Mfa o boletse gore ke leloko la motia la Domkrag ka jalo o ka seke a kgaoganngwe le phathi e a tswang kgakala le yone, a supa fa se se buiwang ele ditlontlokwane tse di batlang go thuba phathi fela. Leloko la mokgatlho oo, Mme Kagiso Sedie o boletse mo potsolotsong gore e rile go lemoga fa sepatela se, se sena disupa ditshwantsho tse di lekaneng, bogolo jang mo mantwaneng a go robadiwang balwetse ba ba tsayang lebaka le le telele, ba ne ba bona go tshwanela gore ba dire pharologanyo. O kaile fa se e le tsela nngwe ya go boloka. Erile a araba, maphata ka bongwe ka bongwe a supa fa a semeletse go thusa banni ba metse e ba direlang mo go yone ka gotlhe mo ba nang le gone, ka kgang ya metsi go ne ga tlholosiwa fa didiba di senyegle, mme go thapilwe kompone e e tlaa di baakanyang gore ba bone metsi, fa mo nakong eno ba nosiwa ka koloi. Mme Moffat a re go botlhokwa gore bagolo le bone ba se salele kwa morago, a re le ntswa ba ka se tshware gotlhe,go molemo gore le bone ba nne le lesedi tebang le go bala le go kwala. Komiti ya ditlhabololo tsa Shoshong e tsweletse ka thulaganyo ya go tsosolosa tshingwana ya merogo ya Eden. O buile jalo kwa pulong semmuso ya ntlo e e agilweng Setswana kwa sekoleng se se botlana sa Diabo mo Kgaolong ya Borwa. E rile bosheng Mme Kebadiretse Belemo yo o itsegeng ka leina la Masa a emisa barati ba mmino wa sedumedi ka dinao kwa holong ya Makhubu jaaka a ne a simolodisa kgatiso ya gagwe ya dipina semmuso. Mapodisi a tshegeditse monna mabapi le molato wa titeo O tlhalositse fa go se gantsi borre ba ka bega dikgang tsa kgokgontsho le ntswa le bone ba amega kana e ba diragalela. Mo go yone kgaisano eo, lekalana la dipagamo tsa puso la CTO kwa Tsabong, le ne la tsaya maemo a ntlha ka go pega setlhopha sa khansele ya Kgalagadi dinno tse tharo go e le nngwe. Rre Sefane Phuthego, yo e leng monni wa Serowe, o ne a tswa sekole seo thuso ka go se abela dibuka di le P5 000. Mo diphuthegong tseo banni ba Shakwe le Makwate ba ne ba itumelela ditiro tse di dirilweng ka lenaneo la Ipelegeng jaaka diterata tse di kgaoganyang masimo le mahudiso, kagelelo ya mabitla le diofisi tsa kgotla le go ntshiwa ga ditlhare mo ditseleng. O ba kopile gore ba seka ba hudusa leruo go le isa go sele ka seo se ka phatlalatsa kgofa eo, e e borai thata e bile e anama ka lebelo. A re ba tshwentswe ke dipalo tse dipotlana tsa batho ba ba itlhatlhobetseng mogare mme go supa fa ba ka seke ba fitlhelela seelo se ba neng ba se ipeetse. Modulasetilo wa lekgotla la baruti mo Kgalagadi Borwa, Moruti Obakeng Baumake a re ba ngomolwa dipelo ke dikgang tsa dipolaano tse ba di utlwalelang ka metswedi ya dikgang mo e bileng ba setse ba tshelela mo poifong. O kopile Batswana go ipulela dikgwebo le go itshetsa ka diatla tsa bone ka letlhoko la ditiro le le kwa godimo, mme e bile se se ka thusa go kabakanya itsholelo. Balemi ba Mapatswa ke balemi ba ba ikopantseng go tlhabolola temo ya bone mme ba tswa kwa metseng e e akaretsang Makoro, Palapye, Lecheng, Goo-tau, Ratholo, Lerala, Maunatlala, Maokatumo, Matolwane, Tamasane le Topisi. O tlhalosa fa a ne a ikgapela maemo a bobedi. Rre Tshitoeng o tsweletse a tlhalosa fa matlotlo a tlholego e le one a dirileng gore lefatshela Botswana le bo le meletswa mathe ke ba mafatshe a mangwe,a re ditsa tlholego di tlhoka tlhokomelo e e ka dirang gore di tswelele ka go dira pharologano mo matshelong a bone. Rapelang le tshephe thapelo, ga kgothatsa Mme Moseki. Modulasetilo wa komiti ya letsatsi leo, Rre Motswakhumo Setabo, o ne a leboga puso go bo e ba buseditse kwa ngwaong. Mosadimogolo o boletse fa gape a ikaelela go ya go kopa thuso kwa lephateng la bong le le thusang thata bomme kana la S&CD go mo thusa ka motshine o o ka silang furu eo ka go ka mo direla tiro motlhofo. Ba re ba ngongorwa ke gore badira melato ya go nna jalo, puso ga e ba tseele dikgato tse di gagametseng ka jaana ba seke ba latlhelwa mo dikgolegelong. A re tshupentsho ya setshwantsho se, e ne e le matlhagolela tsela a go ipelela letsatsi la ga Sir Seretse Khama Phukwi a rogwa. Rre Kedisang yo e leng monni wa toropo ya Jwaneng ebile ele monana, a re o ne a anywa botsipa jwa thuo ya dinotshi fa a ne a bereka mo lephateng la temo thuo mo lekalaneng la temo ya morogo le thuo ya dinotshi ka ngwaga wa 2011 go fitlha 2013. Re le dikgosi le banni ba motse re tlaa ema ka dinao go bona gore dilo tsa mofuta o di a dirwa ka gore Batswana ke batho ba ba itlotlang, e bile ba tlotlana, mo go simololang fela ka madume, Kgosi a tshwaela. A re puso e supile fa balemi ba ba tlhatlhobileng mmu wa ditshimo tsa bone ba tla neelwa menontshane monongwaga. O supile fa maitlamo a bone e le go rotloetsa baithuti gore mo maduong a bone a ditlhatlhobo ba nne le pase dithuto tse tlhano kana go feta. Mme o bile gape a ngongoregela tiego ya dituelo tsa bagodi le gore bao madi a bone a salelang morago ba sokola go a bona. O tlhalositse fa lephata la Go fa Banana Dithata, Metshameko le Tlhabolo ya Ngwao le eme nokeng dikgwebo tse dintsi tse e leng gore banana ba ka di dira e seng dipodi le merogo fela. Rre Kgosiyabone o kopile dikgosi le setshaba ka kakaretso go leka go ruta borre gore ba fetoge. Bangwe mo morafeng oo ba ne ba itela kwa kgotleng ya ditsheko mme ka nako eo lekgotla la ntsha taolo ya gore Kgosi Phologo a se fologe go lebilwe bosupi jwa nako eo. A re fela jaaka dikgwebo tse dingwe, Charlla Bakery e lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le go tura ga didirisiwa ga mmogo le go tlhoka koloi go tsamaisa kgwebo ka thelelo. Mo go tse dingwe, banni ba ne ba supa fa ba sa itumedisiwe ke ka fa kompone ya metsi ya Water Utilities Corporation e ba fang ditirelo ka teng. A re o tshwenngwa ke gore bangwe ba sale ba tsile mo Botswana ka 1985 mme le mo nakong eno ga ba na diteseletso tsa go nna mo lefatsheng leno. Rre Motshegwa o kopilwe banni ba Mmadinare ka kakaretso go ema komiti nokeng gore e diragatse maitlamo a yone. Mopalamente o kopile badirelapuso go bereka le morafe sentle ka jaana le bone ba se kake ba nna sebaka sa dibeke tse pedi ba sa bone metsi. Fa a latlhela la gagwe mokhanselara wa Letlhakeng Borwa Mme Stella Segwagwa one a supa fa a sa itumedisiwe ke seemo sa ditsela tsa mo motseng tsa Letlhakeng ka di saletse morago ka malatsi a masome marataro le bobedi. Se se builwe ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso fa a ne a etetse motse oo mo bosheng a tsisitse dikarabo tse morafe o neng o di beile pele Tautona fa a etetse koo. A re go sekgala se seleele se se bakang tiego le fa ba ka begelwa ditiragalo mme ba fitlhele fa gongwe badira-molato ba setse ba iphaloditse. O tsweletse a re ba tshwenngwa ke batsadi ba ekareng ba rotloetsa bogodu jo ka gore fa ba bona bana ba tla ka leruo, ga ba tsiboge mme ba bua mafoko a a reng ke banna ba a ipapalela. Kgosi Salepito a re go a gakgamatsa go fitlhela ngwana a le dingwaga tse di lesome le bosupa mme a na le dikgomo tse di seng kana ka sepe. Dingwe gape tse mokgatlho oo o di dirang, Mme Matenge o kaile fa e le go etelana ga makalana go abalana megopolo le dikitso ga mmogo le go rotloetsa le go thusa maloko go itshimololela dikgwebo gore ba kgone go nna le letseno. O kaile fa lephata la thuto le lemogile fa kitso e tlhaela mabapi le go tlamela le go ithuta go tshela le ba-na-le bogole. A re ka tiro ya bone e le go sireletsa setshaba ba eme ka dinao go lwantsha borukuthi jo, ka bo tshedisetsa batho mo letshogong. Modulasetilo Rre Moribame o ne gape a supa fa makhanselara e le bagakolodi fa bodiredi jone e le ba ba fang dikitso mme botlhe maikaelelo a le mangwe a go thusa sechaba sa kgaolo ya Bobirwa. Mongwe wa batsadi ba ba neng ba itoma molomo wa tlase go thusa go laola botlhoka tsebe mo motseng Rre Justice Mmereki, o ne a tlhalosa mo potsolosong fa a na le ngwana yo o sa utlweng mme a nna fela a mo isetse kgotleng go gagamadiwa phogwana. A re le fa go le jalo, o kopana le dikgwetlho ka jaaana ene a dirisa matlalo a dipodi le dikgomo mme a supa fa bontsi jwa bareki ba rata matlalo a diphologolo tsa naga. Mopalamente wa Serowe Borwa, Dr Pelonomi Venson-Moitoi a re kgokgontsho ya bong, bogolo jang e e diragalelang bomme le basetsana e utwlisa botlhoko. Monnawe moswi, Rre Albert Ncube o tlhalositse fa moswi a tsetswe ka ngwaga wa 1921 mo motseng wa Jackalas 2. Tautona o nnile le sebaka sa go ba itholela le go ba itsese semmuso gore fa a sena go tlhongwa semmuso, o ne a dumelana le ba phathi ya gagabo go tlhoma Rre Slumber Tsogwane go nna mothusi wa gagwe, mme a ikanisiwa semmuso kwa Palamenteng le gore mokwaledi wa gagwe yo mogolwane yo o faphegileng ke Rre Bezark Maphakwane. A re e re le ntswa mo temong e e neng e feta a ne a itikile thata, maiteko a gagwe a ile a folodisiwa ke dikgomo dingwe tse di dirileng go rata le go kgona mo tshimong ya gagwe. O rotloetsa batsadi ba gagwe ba kabo ditsha go tswelela ba thusa ba bangwe ba ba mo seemong se a leng mo go sone. O ne a ba gwetlha go dirisa sebaka seo go leboga le go obamela Modimo ka tsotlhe tse di molemo tse o ba di diretseng le go nna ka phuthologo ba akola kobamo mmogo e le bana ba Modimo. Kgosi a re o tshwenngwa thata ke gore banana ba di goga kwa pele mo tirisong botlhaswa ya nnotagi. O supile fa mo nakong eno ba ise ba kopane le makgwere ape a a ka ba kgoreletsang go tswelela pele. Mme Mosweu o tsweletse ka go tlhalosa gore gantsi fa batho ba kgaogana mme ba na le bana, ba ba gakolola go ya kwa ga mmakaseterata gore borre ba kgone go tlhokomela bana. Fa a bua mo letsholong la go lwantsha kgokgontsho ya bong bosheng, Kgosi Mpeo Mpeo a re ka fa ngwana a godisiwang ka teng go laola ka fa a tsileng go tshidisanya le ba bangwe ka teng fa a ntse a gola. O feditse ka go re Batswana ba tlhokomele bojang ka ba itshetsa ka jone. O supile fa bomme gantsi ba kgona go dirisa bana go sotla borre fa lorato le setse le fedile. Mme Gabotlhakanelwe o supile fa maikaelelo a kwadiso e, e le go bona gore ditsha tse di abilweng di dirisiwa eng, di abilwe di le kae le gone gore lefatshe le le setseng le kae, o supile gape fa maikaelelo e le go fa ditsha tsotlhe dinomore. Mme Baikepi, yo o o nang le bana ba le bararo, o supile fa a kgona go tlamela bana ba gagwe le go ba tsenya dikole ntle le matshwenyego ape. A re ere ka jaana motse o tsweletse ka go gola le borukutlhi bo oketsega, ba tlhoka mapodise a mangwe a mabedi a maemo a constable le special constable. Rre Mpho Ookeditse wa komiti ya banana a re lenaneo la Boot Camp le rutile banana magokaganyane a botshelo. Mothusa tona o akgotse thata bodiredi jo bo rotloetsang mananeo ao kwa motseng wa Hatsalatladi, segolo jang molemisi, Rre Joshua Pagiwa, yo go bolelwang a dira tiro e ntle mo go rotloetseng temo ya merogo Dingwe tsa ditiro tse tona Seretse a neng a di etela ke ya kapei le ya go roka, tseo le tsone goneng go lebega di tsweletse sentle mme bothata jo bo amang badirisi ba lenaneo leo ka bontsi ele go tlhoka mmaraka. A re kgwetlho e nngwe ke go bo setlhare sa motsentsene se se dirisiwang go kgabisa ditlatlana se seyo kwa kgaolong ya gagwe, mme e bile se bonwa kgakala kwa Maun. O boletse fa kgetsi eo e le ya ntlha go e gatisa mo ngwageng ono fa e sa le o simologa, mme o ne a kopa bakgweetsi go kweetsa ka kelotlhoko, go obamela matshwao a tsela le gone go kgweetsa ka lobelo le le kwa tlase ka nako tsotlhe bogolo jang fa gare motse go ipaakanyetsa go hema ditiragalo tsa mofuta oo. Moemedi wa BOT50, le ene e le modiri wa seromamowa Rre Hendry Letshwiti, o ne a rotloetsa morafe go ipaakanyetsa boipuso ja monongwaga ka tlhwaafalo, le go iponatsa ka go apara mebala ya fologa ya lefatshe leno. O tlhalositse gore banni ba Takatokwane ba ka kgona go gatela pele fa go na le tshwaragano fagare ga badirelapuso, dikomiti tse di mo motseng ka go farologana, dikereke gammogo le setshaba ka kakaretso. E re ka gotwe phokoje go tshela yo o dithetsenyana, monana mongwe kwa Tlokweng o itshetsa ka kgwebo ya dijo. Metse eo e akaratsa Medie, Kweneng le Boatlaname ka go bonwe lefatshe mo kgaolong eo gore go ka lengwa dijo tsa sika loo mabele. E ne ya re mo potsolotsong bosheng ba tlhalosa fa ditlatla di dirwa ka setlhare sa motsotsojane le lelodi la mophane mme difala tsone di dirwa ka boloko le molora wa leiso. Mogokgo o ne a lebogela seabe sa puso mo go tokafatseng thuto mo lefatsheng leno, a kaya fa puso e leka ka bojotlhe gore le dirisiwa di seka tsa tlhaela le bone barutabana tota. Ba supile fa bontsi jwa nako ba nna ba sena metsi mo metseng ya bone mme ditlhwatlhwa tsa metsi tsone di nna fela di le kwa godimo. Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi, o lebogetse Mothusa Tautona go bo a tsere matsapa a go ya go gomotsa morafe wa Mmadinare. Ba boletse fa mo mekgwatheng e mentsi mo Kanye, metsi a tshologa ka lebaka mme ba koporase ya metsi ba sa tsibogele seemo se. Mme Baikepi o dumela gore motlhala wa khumo o mo ntsi mme o tlhoka balatedi. O tsweletse a re dikgang tse di ba tshwenya thata ka e se lantlha go diragala jaana, a supa fa go setse go tsamaile madi a a ka tshwarang P100 000. Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Masukwane, Mme Pauline Monyamane le ene o ne a nankola matshwenyego a ba kopanang nao kwa sekoleng, a akaretsang letlhoko la dijo, tlhaelo ya dikwalo tse di balwang ga mmogo le koloi e e ba tseelang bana ba ba nang le bogole go tswa mo Masukwane go ya kwa sekoleng sa ba-na-le bogole sa Moroka. Rre Mogolo a re puso e ikaeletse go thusa balemi ba ba epileng didiba go gokela metsi mo masimong. Se se builwe bosheng ke mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mathiba Rre Noah Kebafitlhetse mo phuthegong ya batsadi le barutabana. A re dintsa di tlaa kgona go ba thusa go batla kwa ditholo di nnang teng gore ba kgone go di leleka. Rre Moloi a re melelo e farologana ka botona gape e laolwa ke diphetogo tse di diragalang mo loaping tse e leng gore di ka rotloetsa gore melelo e ka nna jang mono ngwaga. Kgosi a re puso e intshitse setlhabelo gore ngwana mongwe le mongwe a seka a tlhaelwa ke thuto ka jalo go dirilwe thulaganyo gore bana go tswa mo merakeng eo ba tsene sekolo kwa motseng wa Maposa. Batsadi ba rotloeditswe go ruta bana melao e e tlaa ba betlang gore ba nne le bokamoso jo bo eletsegang. Rre Makgalemele a re mogopolo o mongwe ke wa gore bagolo ba seka ba duela mo dipalamong tsa setshaba. Rre Malikongwa o ne a supa gore bodirelapuso bo teng ka jalo batho ba ba tlhokang ditirelo, ba tshwanetse go thusiwa sentle ka dinako tsotlhe. Mokhanselara wa Oodi, Rre Batlhalefang Ramosesane a re ditsela tsa motse wa gagwe ga di jese di welang ka di baya matshelo a batho mo diphatseng. Le fa ditlamelo tsa ba-na-le bogole di santse di tlhaela, Rre Koma a re maiteko a a dirwa go di tokafatsa. Mogolwane wa lephata la thuto go tswa kwa moding, Rre Ponoesele o kopile gore bana ba godisediwe mo Moreneng, a tlatsa ka gore poifo Modimo ke tshimologo ya botlhale ka jalo, ba eme kgatlhanong le go dira boleo. Mopalamete Kablay o supile fa madi a ditlhabololo a dikgaolo ba dumalanye gore ditiro tsa teng di fiwe banana mme sebe sa phiri ke gore ba tlogela ditiro ba sa di fetsa. Ka borre gantsi ba tshaba go ikuela fa ba kgokgontshiwa ke bomme, a re ba kgona go felela ba a swa senku fela bas a kope thuso gope. E rile a ntsha la gagwe, mothusa kgosikgolo, Kgosi Kebapetse Telekelo, a tlhalosa mo potsolotsong fa Kgosi Bome a sale a tlhomilwe mo maemong a tetlanyo ke moswi, Kgosi Seepapitso IV a sale botshelong. Rre Molefhi o tsweletse a re matlo otlhe a a setseng a abilwe le yone ya ga Mme Monnawatlala a ne a ntshediwa madi a bo a agiwa ke bodiredi jwa lephata la matimela ba ba neng ba ithaopa ntleng le dituelo dipe. Tumalano e, e dirilwe mo phutegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Maun Bophirima, Rre Tawana Moremi yo o neng a lekodisa banni ka dikgang tsa palamente le gone go tsaya megopolo go e isa kwa phuthegong ya palamente ee tlang. O supile gape fa kgaogo ya motlakase kgapetsa kgapetsa e kgoreletsa go tswa ga metsi kwa didibeng tse di gokeletsweng motlakase. Lona le setse le le bantle ka ntlha ya mafoko a ke a buileng le lona, bangwe re ne re le magodu, bo radifeisi mme ka ntlha ya tshokologo, re ntse bantle, Bishopo Jakobe a tlhalosa. O supile fa a simolotse go tlhagafalela temo thata morago ga go simolodisiwa ga lenaneo la ISPAAD ka a thusiwa ka dipeo le menontshane le gone go lemelwa mahala. Modulasetilo o ne gape a itebaganya le ditiro tse di tsweletseng mo kgaolong tse a rileng di lesome le bobedi . Mokhanselara wa kgaolwana ya Marulamantsi mo Gaborone, Rre Sergeant Kgosietsile, a re go sa bereka ga dipone tsa mekgwatlha mo toropong go a tswenya segolo bogolo fa go le bosigo. A re se se monate ka kgwebo ya gagwe ke gore o a iperekisa a sa salwa morago ke ope e bile dipoelo tsothe ke tsa gagwe. Kgwebo e e ntsha ka e na le dikgwedi tse tharo e simolotse ebile lefelo le e leng mo go lone le iphitlhile mme se se re baya ka fa mosing gore bareki ba e bone, ga bua Mme Moloi. Le fa go ntse jalo, o boletse fa a sa itumedisiwe ke boitshwaro jwa banana ba motse wa Metsibotlhoko ka a amogela dikgang tsa dikiteo le tse dingwe tsa botlhoka tsebe. Letlhoko la metsi le dia ditlhabololo Assistant Superintendent Keitumele a re bontsi jwa dikotsi di bakiwa ke nnotagi e e nowang thata mme o ne a kopa baruti le baeteledipele ba ba neng ba le ko merapelong go bua le bana go emisa go nwa bojalwa ba bo ba kgweetsa. Fa a kgwa Rre Satomana kgaba, Kgosi ya Sepopa Rre Rangosa Nkape o boletse gore ke nnete bangwe ba balemi ba kgaolo ya gagwe ba tshimo di le lesome kwa Mowana, Ghowana, Sepopa le Kajaja, ga ba a bona thobo epe ka ntlha ya dikgomo tse di tshwenyang mme a supa gore ga gona epe kgang e e kileng ya tla go begiwa semmuso fa lekgotleng. O kaile gore e le morafe wa motse wa Tshesebe ba ne ba dumalana go ikgaoganya ditiro ka dikgotlana tse nne tsa motse oo mme a re seo se tla a ba nolofaletsa go fitlhelela maikaelelo a bone. A re megala ya lotheka e le mebedi ya bobedi joo e e neng e tserwe ke banna bao e bonwe ga mmogo le koloi ya mme yoo. Puo ya Sesarwa e ya farologana mo mafelong a a kwa Boteti, mme go nale batho ba ba e tlhaloganyang yotlhe. A re ga se lantlha banka eo e nna le seabe mo ditirong tsa setshaba, ka ba kile ba abela ba Khawa, ba nna le mogwanto o o duelelwang kwa Makgadikgadi mme ka madi ao ba kgona go thusa ba ba tlhokileng lesego. O ne a supa gape fa go nyemisa moko go bona manoto a banana ba tsaya karolo mo ditlhophong tsa diphathi tsa sepolotiki ka go farologana. Mo potsolotsong, Kgosi Shathani Kgakanyane wa Sebina o boletse fa go sa itumedise go bona dirukutlhi di tsweletse ka go tlhasela batho le go ba amoga dithoto, madi le megala tse ba di bereketseng ka thata. Mme Loeto o boletse seo mo thuto puisanyong kwa Rasesa e e neng e tseneletswe ke Dikgosi, barutabana, ba boipelego le batsadi , a re dikgang tsa bong le molao di ama batho botlhe. A re dikgang tse dingwe ga di a tshwanela gore di bo di ka emela phuthego ya ga mopalamente gore di rarabololwe. Botsalano jo bontle fa gare ga setshaba le bodiredi jwa botsogo bo ka thusa mo go tokafatseng ditirelo. Mme Makgato o boletse gape fa Rre Majaga a le lerato, e bile a eteletsa dikeletso tsa baagi ba kgaolo kwa pele. O tsweletse a re go tla tswa mo metseng e e farologaneng gore ba nna le seabe jang mo tirong e. A re o kopa Batswana go tlotlomatsa ngwao ya bone ka puo ya bone gore mafatshe a mangwe le one a ithute mo go bone, ka Setswana se re goo-ra motho go thebephatshwa, go dira jalo gore dikokomane tsa bone di tle di fitlhele puo ya bone. Ba kopile gore tiro ya Ipelegeng e fetolwe e nne tiro ya sennelaruri. A re magodu a, a itebagantse le dijarata tse e leng gone di agwang, ka jalo di sena yo o di tlhokometseng. Mme Garethata a re temo e batla bopelotelele, lerato le go bereka ka natla, a re tseo di kgontsha molemi gore a gole. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Matlhabaphiri o kopile gore ba-na-le bogole ba ntshiwe kwa mahure gore ba bone dithuso tse di ba lebaganeng. Selo se a reng se fetotse botshelo jwa gagwe fela thata, ka jaanong a kgona go bona dipoelo tse di botoka ka a kgonne go baakanya ntlo ya gagwe le go ipeela sengwe mo posong. Mapodise a Tshane a tshegeditse monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi go ya kwa go a mararo le botlhano, yo o tlholegang kwa Zutshwa, mabapi le dipelaelo tsa go keteka a bo a gobatsa mokapelo wa gagwe. Ke amogela thomo e, ka temogo ya gore ke thomo e e seng sepe gape ka e tlaare ka sebaka sengwe, mong wa setilo a se batla ke mo se neele, a supa. Rre Maele a re babereki ba lephata la Matimela ba supile fa ba tshela tebelopele ya setshaba ya 2016 ka ba ne ba bona go tshwanela gore ba abele Mme Monnawatlala ntlo ba bo ba abela ba ba neng ba dira ka natla dimpho tse di farologaneng. A re molawana o o laolang go sega bojang o tlhalosa gore fa motho a sega dingatana tse di fetang makgolo a fera bobedi kgotsa 800kg ba tlamega go dira teseletso. Mogokgo o lela ka maitsholo a bana Moemedi wa kereke, Mme Sister Steyn a re maikaelelo a bone e ne e le go lwantsha dikgwetlho tse Batswana ba lebaganyeng le tsone ka go ba kaela gore go na le botshabelo kwa Modimong. A re seo ke ka lebaka la tshwaragano ya batsadi le barutabana le batho ba motse wa Marobela ba ba nang le lorato la sekole seo Fa a bua ka maikaelelo a mogwato oo, Moruti Chilume Marape o boletse fa maikaelelo e le go aga ntlo lehala hala e e tlaa dirisiwang ke sekole e le bokopano gape le go tshwarela diphuthego tsa mo sekoleng le tse di kwa ntle tsa setshaba. Rre Chepete Chepete o ne a supa fa motse wa bone o sa robalelwa ke ditlhokwa, mme a batla go itse gore ka fa tsamaisong ya bogosi go dikarolo tse pedi, kgosi e ka nna ya letsalo kana ya tlhopho, mme fa go welwa mo tsamaisong ya tlhopho go tlaa re batho ba fiwe sebaka go itlhokoletsa tlhopho. Gantsi ke dira tiro ya botaki fa ke le mo malatsing a boitapoloso. Rre Mackenzie a re komiti ya VDC, e tshwanetse go ntsha dipego tsa ka fa ba dirisitseng madi ka teng le gone go itsese setshaba ka fa ditlhabololo di tsweletseng ka teng, morago ga kgwedi tse tharo mo ngwageng, a tlatsa ka go supa fa tshwaragano, tirisano mmogo le merero e le yone konokono mo go tlhabololeng metse. O rotloeditse banni go ruta bana go ikgapha mo go mo tsa tlhakanelo dikobo ka go ba tsenya mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare. Mo pegong ya bone ba ne ba itebaganya le dintlha di le tharo ebong lekalana la dipeeletso tsa madi a diphitlho, dithoto le bonno, ntlha e nngwe e ne ya nna ya lekalana le diphitlho fa ya boraro e ne e le go ba lekodisa ka BTU. A re le ntswa bojalwa joo bo rekisiwa kanfa molaong, sebe sa phiri ke gore barekisi ba jone ba reka metswako mme ba fete ba itsenyetse wa bone o o sa kwalwang, e le go dira gore bojalwa joo bo nne bogale thata. A re ba dirisa jenereitara e e tshabelelwang ke go senyega le go felelwa ke lookwane. Mo motshamekong wa netball, maemo a ntlha a tserwe ke setlhopha sa Mambo, fa a bobedi a gapiwa ke sa Milikani Netball Club go tswa Kgari, fa maemo a boraro le bone a tserwe ke Happy Hearts go tswa Ditladi le Kulenyane go tswa Matshelagabedi ka tatelano. Lontone e ipelela thobo Botswana fela jaaka lefatshe ka bophara, o tshwenyegile thata ka koketsego ya kgokgontsho bogolo jang ya bomme le bana ba basetsana. A re ba ne ba kopa thuso kwa khanseleng ya Gaborone, ba sesole sa Botswana le ba Rural Metro go thusa ka ditima molelo. A re bangongoregi ba begela mapodisi fa ba senyeditswe mme morago ba boele kwa mapodising ka maikaelelo a go tsholola kgang. A re le fa bangwe ba ka batla go nna le masika go ka nna molemo ka tota kwa sekolong e se ga lebaka le le leele, a bua jalo a rotloetsa mowa oo wa go kopa mo masikeng fela thata. A re ka fa pego ya lekgotla la botsogo le le direlang mo kgaolong ya Kgalagadi ya 2013 e ntseng ka teng, batho ba le 1803 ba ne ba tsenwa ke malwetsi a dikobo, seemo se pego eo e se supang fa se tshwenya fela thata. A re mme se segolo se se ka dirwang ke gore borre bao ba tseelwe dikgato tse di gagametseng go feta tse ba ntseng ba di tseelwa le melaetsa e gasiwe go itsise setshaba ka ditlamorago tsa ditiro tsa go nna jalo. O tsweletse a re, ke matlhabisa ditlhong gore moeng a fitlhele kgotla e sena ope. A re ke nako ya gore go sekasekwe kgolo ya poso ya Sikwane ka e le yone e thusang banni botlhe ba dinokeng mme e le potlana. Fa a akgela, Kgosi Mothusi Mathwanye wa kgotla ya Suping o amogetse mogopolo o, mme a gakolola ba sepodisi go ne ba tsiboga ka nako fa ba begelwa dikgang tsa borukutlhi. Balemi-barui ba ne ba rutwa go tlhagola mohero ba dirisa ditshefi go na le go dirisa megoma jaaka bogologolo le go somarela bokgola ba dirisa mogoma wa ripper go na le megoma ee tlwaelesegileng. O ne a kopa batho go epela mekono mo ditsheng le go tlhomamisa gore mekono e tsamaelana le dipalo tse di mo setlankaneng sa peo. A re o rekisetsa Batswana ka bongwe ka bongwe, bagwebi ba ba botlana ga mmogo le marekisetso a Choppies, Shoprite le Spar kwa Francistown. O ne a iteela kobo moroko mafoko a ga Rre Rietz a go ikamogela, a re go botlhokwa go gaisa sengwe le sengwe le gore ke gore motho o tshwanetse go itseela dikgato tse di maleba go thusa go tshela lobaka lo loleele. Mothusa kgosi kwa kgotleng ya Motswedi kwa Lobatse, Kgosi Kgotlaetsile Motsamai, o rotloeditse batsadi go tsaya karolo mo thutong ya bana ba bone. Fa a ba araba, tona Batshu o ne a bolela fa go ise go nne le thulaganyo ya go ka kwadisetsa matsalo a bana kwa dikokelong ka didirisiwa tsa boranyane di sa ntse di le boutsane go ka isiwa teng koo. Kgosi Pharithi a re badirelapuso ba tshwere tiro ya bone ka boineelo ba sa ipelaele mme a lebogela gore mokhanselara wa kgaolo eo, Rre Nathaniel Moribame go bo a emetse motse o o sentle. Mme Phirinyane a re go le gantsi barutabana ba ba tlogetseng tiro le badirelapuso ba bangwe fa go tla nako ya gore ba ikhutse ba robale ka leso, e nna matlhotlhapelo a a supang botlhoki jwa motho go sa kgathalesege gore e rile a le mo botshelong a direla lefatshe ka go ntsha bomankge ba dikitso, ba lefatshe le ipelafatsang ka bone. O thalositse fa se se kgona go dira gore a tseye lebaka a sa loge ditlatlana a emetse motsentsene mme go ame kgwebo ya gagwe. Mongwe wa bagwebi bao jaaka rre Thebeyame Molefhe o gateletse gore a molao o diragadiwe mo bathong ba ba tlolang molao. Mme Molelo a re ene le barutabana ba gagwe ba dumela mo go supegetsaneng diphoso kwa ntle ga poifo, a re seo se ba a ba berekela ka e bile se agile motheo wa motia wa kgodiso ya ngwana. UDC e tlhoka makgotla otlhe - Boko Rre Seoko a re bangwe ba tshwerwe ka dithoto tse go belaesegang e le tsa bogodu ka ba ne ba palelwa ke go tlhalosa kwa ba di tsayang teng e bile ba se na dipampiri tse di supang kwa dithoto tseo di rekilweng teng. Mme Mosinyi a re go simolola ka didirisiwa di tlhaela, ga go a ka ga ba nyemisa moko ka lepe letsatsi ka ba ne ba itoma wa tlase go ntsha maduo a a bonalang ka se ba nang naso. O boletse gore ka nako eo go ne go sena lelwapa lepe le le nang le ntlwana ya boitiketso mo kgotlaneng ya Metsiaela fa ese a le mabedi fela a fitlhelwang kwa kgotlaneng. Ramapodisi a Bobonong, Superintendent Paul Seoko, a re dipalo tsa batswakwa ba ba gwebang kwa Bobirwa ka bokukuntshwane di ile magoletsa. Morui wa monana kwa Bobonong, Rre Dimpho Ntshwabi yo o thusitsweng ke ofisi ya banana ka P99 000 go simolodisa kgwebo ya thuo ya dipodi o tlhalositse fa thuo ya dipodi e le bogadi bo gaufi. Ke ne ka ema kwa ntle ga terata ya sekolo (matlhophelo), ke bo ke mmona a ntse a ema ema le batho. Ka one mokgwa o, molemi o tshwanetse go itse se se mo tshimong ya gagwe ka dinako tsotlhe le fa se kabo se le kgakala le fa a lemetseng teng. E rile a ema mookamela lekalana la ditlhaololo la madi le tsa theko rre Pilane Sebigi a bolelelela bo mme ba mapodisi gore ba tshwanetse gore ba itemoge, gore batle ba lemogiwe ke bagolwane ba bone le sechaba ka kakaretso. Mme Sekgwa o ne a ikuela mo bananeng go fokotsa tiriso botlhaswa ya nnotagi mme a tlatsa ka go bua mafoko a motlapele a a reng lemphorwana la bojalwa ga le fofe. Fa a tlhalosa ka kwadiso ya ditsha e e sa tswang go tswalelwa, o kgalemile go re ope yo o a sa kwadisang setsha, a se ka a ya go kopa kwa ofising ya gagwe go letlelelwe go kwadisa. Rre Molatlhegi o kopile batsadi go lwantsha tiriso ya diritibatsi a re di tsisa mekgwa ee sa siamang jaaka borukhutlhi, go thuba malwapa le one malwetsi tota. Fa o feta fa semausung sa ga Mme Lekolori, fa gare ga nako ya borobabongwe le lesome mo mosong o ka ipotsa gore a go tlhabilwe kukama, ka batho ba a bo ba kgobokane teng ba le bantsi ba foletse go reka dijo. Molaodi o kgala ditlhogo tsa maphata Tshomarelo tikologo ke ya
 botlhe E rile mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Leburu a tlhalosa fa a itshetsa ka dithupana tsa morogo wa rape mme e bile ba lelapa la gagwe ba ka seke ba lala ka tlala. O ne a tswelela a re batlhotlhomisa leso la monna yo o dingwaga tse di masome a mararo le bobedi yo aneng a fitlhelwa a tlhokafetse mo ntlong ya gagwe mo mosong wa Sontaga (Phatwe 16) kwamasimong a Mapetle. Makhanselara a kgala tshwetso Mme Khubu o tlhalositse gore o ne a nna ngwaga a ise a fiwe didirisiwa tsa thuo ya dinotshi, mme ya re ka 2015 a rogwa a segofala a fiwa mabeelo a dinotshi le kapari ya thuo ya dinotshi, mme a tshwanelwa ke go ipatlela dinotshi go simolola thuo. Kgosi Nkgageng o ne a rotloetsa banni go tsenya mo tirisong dikomiti tsa ntebele ke go lebele segolo bogolo fa ba seo mo malwapeng a bone. O bolela fa lorato le kemonokeng go tswa mo bathong ka bongwe ka bongwe e le tsone mmangmang. Kgosi Lebang a re ga go na dikgang tse di tlhabang jaaka tsa baratani ba sa nyalana ka fa molaong. Rre Phologolo o ne a supa fa madi a a dirisiwang mo ditirong tsa mothale o, ba a ntsha ka boteng jwa dipelo tsa bone go tswa mo dipateng tsa bone, a supa fa mongwe le mongwe wa bone a ntsha bonyenyanenyana kgwedi le kgwedi mme e re ba bona letlole la bone le le botoka, ba dire sengwe. O tlhalositse gore dipalo di supile fa dikgwebo tsa bomme di feta masome a marataro mo lekgolong, a tlatsa ka gore se se raya gore dikgwebo tsa bomme di botlhokwa mo itsholelong ya lefatshe leno. Modulasetilo a re kgwetlho e nngwe e e tshwenyang ke phaephe ya kgopho ya metsi a a leswe ka jaana e feta gaufi thata le letamo la Mmakgodumo. A re bone ba neela balemi dipampiri tse di ba letlelelang go tsaya dipeo mo dikhamphaning tse di ikwadisiseng le puso go aba dipeo. Ralotsia o rotloetsa balemi go dirisa mananeo a temo-thuo Rre Oats o tlhalositse fa setlhopha seo sa batho ba le lesome le boferabobedi ka palo se ne sa tswa ka mogopolo wa go direla setshaba sengwe sa bopelotlhomogi ka malatsi a go ipelela botsalo jwa morena le ngwaga o mosha. O tsweletse ka go re morago ga go tlhatlhelelwa ka dithuto tsa thuo ya dinotshi, o ne a aloga mme a fiwa setlankana sa thuo ya dinotshe. Rre Pitlagano a re ke nako jaanong gore ba mo ntshe mo setilong ba rome mongwe yo o tla isang khansele eo golo gongwe le fa ntswa go sa sala nako e kalo pele ga ditlhopho tsa setshaba. Mo godimo ga moo, Rre Moahi o supile fa ba na le kgwetlho ya letlhoko la madi. O ne a ikuela mo batsading go kgalemela bana le go emisa gore e re ngwana a dirile molato ba bo ba ba golola. Rre Chepete, yo o dingwaga di masome matlhano, o tlwaelesegile ka go bonwa a inamela letlakala lengwe le lengwe le le mo kgopang mo tseleng, mme a akanye gore o ka le busetsang jang mo tirisong gape go dira sengwe se se ka kgatlhang leitlho la moreki. O tlhalositse gore puso e na le mananeo a faphegileng a a lebaganeng ba-na-le bogole mme ka jalo a re ba na le tshwanelo ya go a akola jaaka Motswana mongwe le mongwe. Rre Ramokate a re e re ka jaana go abela le go lemoga bao ba ba dirang ka natla e le selo sa botlhokwa, bone e le ba lephata la banana, metshameko le ngwao ba tlaa dira seo go nna selo modiro go leka go tsholetsa le go tiisa serodumo sa go dira ka natla, ka seo se ka thusa go kgotsofatsa ba ba ba thusang. Kgosi Clinic Ketlogetswe o ne a tlhalosa fa a direla mo ntlong e nyenyane, a bolela gape fa a sa bolo go kopa mokwaledi le mapodisi mo kgotleng ya gagwe mme go sena sepe se se dirwang. Magodu a leruo a tla emela tsheko mo kgolegelong, ebile gape molao o o letla gore le fa o sa amege mo go utsweng leruo, mme o adimile batho koloi kana sengwe ba utswa, le wena o tsile go seka, a rialo Rre Molebatsi. A re tsone ke ya go nosetsa ditshipi kwa Radisele, ya matlalo kwa Lerala, ya go roka mo Palapye le Lerala, ya kapii ya borotho kwa Malaka le Lecheng fa ba Mokungwane bone ba ruile dipudi, mo Palapye ele ditshingwana tse a reng di dira sentle thata, kwa Ratholo mongwe a dira diice pop. Ba ne ba lela gape ka letlhoko la matlo a badirelapuso, ba kopa gore kokelwana e atolosiwe. Rre Maele o ne a itumelela letsatsi leo la go ruta balemi ka go somarela bokgola a bolela fa go rutwa balemi ba le mokawana go tla ba thusa go abelana megopolo. Ba tsweletse ka gore kompone eo ga e nke e buisana le bone ka mabaka a tshwana le go kgaola metsi ba tlatsa ka gore ba ketefalelwa ke kgang ya gore ba bo ba tsamaya sekgala se se leele go ya go duelela metsi kwa motseng wa Tsabong kgwedi le kgwedi. O tlhalositse gore mokgweetsi e ne e le mme, yo o neng a ne a alafelwa dikgobalo tse di potlana. O ne a supile fa sekolo seo sena le letlhoko la dibuka mme go nna le seabe mo kwelong tlase ya maduo mo sekolong seo ka bana ba patelesega go dirisa dibuka mmogo. O buile jaana ka Matlhatso Phatwe 31 jaaka dikhamphani tse di ne di abela baithuti ba sekole se sebotlana sa Kolonkwaneng dibeke tsa marang a letsatsi go fetlha motlakase go dira lebone le ba tlaa le dirisang go ithuta. O tsweletse ka go kgotlhatsa le go rotloetsa banana boora Setlalekgosi le boora Mokgadi gotsweng kwa Mookane go tswelela ka go tshwara dithuto tsa go nna jalo ngwaga le ngwaga gore ba kgone go abelana le Batswana ba bangwe dikitso tse di tseneletseng mabapi le go tlhabolola temo-thuo. Fa a bua mo potsolotsong le Rre Nawa a re thobega e ne e dirwa ka thito ya sethare sa moretologa o o iseng o gole thata, mme thito e, e ne e betlwa e bo e sale e le sephaphathi e bo e kgaoganngwa gabedi. O ne a tlhalosa fa dithuto tse di ne tsa mo fa lesedi le le tseneletseng ka tiro ya go bopa. Rre Maele a re fa lefatshe leno le tsaya boipuso ka 1966, temo e ne e le konokono ya itsholelo mme mo nakong eno seemo se fetogile thata. Rre Joseph Sebina, yo e leng mokhanselara wa Bokaa, e bile a filwe boikarabelo jwa go kgaoganya madi a khansele, a re maduo a bana ba dikole a a tshwenya. Rre Maele a re fela o maswabi ka gore tiro e e dirilwe ke bana ba ba tswang kwa ntle ga Lerala. A re dingwe tse ba di itumelelang, ke go itshegela ditema mme ba bo ba netefatsa gore ba a di diragatsa, a re mo godimo ga moo, ba tlhomamisa gore ba tsaya dikgakololo tsa ba ba ba thusang, ba bontsi jwa bone e leng banana mme ba di tlhotlhe go bona tse di ka ba berekelang. O tladitse ka gore ba dirisanya thata le kgosi, mapodisi le bo mmaboipelego go ba thusa fa ba retelelwang teng. Tsholofelo ya rona ke go bona maduo a bana ba ba tswang mo Moiyabana a fetoga a kgatlhisa. Mogolwane go tswa kwa FNB ya Serowe, Rre Ratsela Segwati o ne a re ba simolotse mokgatlho wa dithuso ka 2001. O tsweletse a bolela fa puso e na le mananeo a tshwana la ISPAAD, Ipelegeng le la banana go leka go tokafatsa matshelo a Batswana. Mogokgo o buile jaana kwa bokopanong jwa batsadi le barutabana Motsheganong ale lesome le bosupa kwa Serowe a re go a tshwenya gore e re le fa bontsi jwa batsadi e le banana, bana ba bo ba ya sekoleng ka leswe. O ne a gatelela gore go jwala ka go gasa ga go sa tlhole go letlelelwa mme e bile ope yo o lemileng jalo ga a na go duelwa. Kgosi ya motse oo, Kgosi Kgotla Kobelwane le ene o netefaditse fa kgang ya dino e tshwenya mme a re sebe sa phiri ke gore fa a bitsa diphuthego tsa kgotla go tla go kgalema bontsi jwa banana ga bo tle. One gape atlhalosa fa go dumelanwe gore kgwedi ya mopitlo e simolola mereki mongwe le mongwe abo ana le le sekopelo se se supang maina a gagwe le gore o berekela kae.o bile a re babereki ba tshwanetse go fiwa dietsele mo kgaolong le ko lephateng. Mme Dineo Lekolori wa Lehututu ke nonyane ya mofuta oo. O tlhalositse fa seemo mo motseng se ritibetse ntswa go santse gona le botlhoka tsebe fale le fale, mme a rotloetsa batsadi go tswelela ba tsisa bana kwa kgotleng a tlhalosa fa thupa e thusa go aga ngwana fa a tswa mo tselengMotshwarelela mookamela mapodisi a Thamaga Ass Supt. Mantswe a yone a a tlhophiwa ka jaana re bua ka borara, mothusa tona a kgalema. Fa a tswelela rre Lorato a re dikgang tse di santseng di tshwenya ke tsa modumo mo mebileng, a supa fa se se dirwa segolo thata ke batho ba le ka fa tlase ga thotloetso ya dino mme a kopa botlhe ba ba dirang jalo go emisa ka gore tiro e na le ditlamorago tse di sa siamang. Mo go tse dingwe, mokhanselera wa Radisele, Rre Kgosiemang Monare le wa Mogapi Rre Tuelo Metseyabeng ba ne ba supa matshwenyego ka tiego ya paakanyo matlo a barutabana, le matlo a borutelo mo dikgaolong tsa bone. Mokhansela wa kgaolwana ya Thakadiawa mo Selebi Phikwe Mme Evelyn Kgodungwe o ne a supa fa ba lekgotla la tsamaiso ditlhopho ba dira tiro e ntle go nna ba ruta le go tsibosa batho ka mosola wa ditlhopho ka e le yone fela tsela e motho a ka supang dikeletso tsa gagwe ka yone. Ntle le gore o leka go tshegetsa ngwao ka gone go suga matlalo a dira dikgole, o boa gape a di rekisa go dira motswedi wa itshetso. Fa a bua bosheng kwa kgotleng ya Mahalapye, Rre Kgosiyabone a re borre ba tlhoka go sugwa ditlhaloganyo gore ba kgone go tsaya ditshwetso tse di lebaneng. Se se builwe ke mogolwane wa bomme ba kereke eo, Mme Benni Keaketswe kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa malatsi a mararo wa bokopano jwa bomme go tswa mo dikgaolong tsotlhe go ralala lefatshe leno kwa Hatsalatladi. Botsogo jwa ngwana boswa jo bo popota Ntlo ya ga Rre Moswang e agilwe ke ba kompone ya Image Civil Engineering ka P76 000 fa ya ga Mme Lentswenyana e agilwe ke ba khansele ka P90 000.BOKHUTLO Ke dumela fa go sa lekana go aga le go tlhatlhelela magolegwa dikitso tsa bokgoni jo bokwa godimo mme ere morago di seke di solegele setshaba molemo ka ditlhaelo tsa madi, ga gakolola kgosi Motswakhumo. Le bone ba ne ba kopa go tsenyediwa motlakase. Are ka go tlhoka lesego, ga a na teseletso ya go gweba ka matlalo a diphologolo tsa naga, selo se a reng se ama tiro ya gagwe. Superintendent Maniki o tlhalositse fa ba ne ba leka go tlhasela babereki ba kampa ya puso gape mme ba retelelwa ka ba ne ba felela ba kgona go tshwarwa pele yo mongwe a siya mme ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse mabapi le kgang e. Kgakololo e, e dirilwe ke mogokaganyi wa setshaba le moepo wa Karowe, Mme Kgalalelo Mokgweetsi kwa bokopanong jwa go ruta le go gakolola bakgweetsi le balemi-barui ba ba dirisang tsela e e yang moepong oo mo bosheng. Mogokgo o ne a tlhalosa fa sekole sa gagwe se lebanywe ke dikgwetlho di le mmalwa di akaretsa tlhaelo ya matlwana a borutelo. Mokhanselera wa Mogapinyana Mme Mmaletsatsi Nthobatsang o ne a arogana le bakaulengwe ba gagwe ka tse ba di dirang kwa kgaolwaneng ya gagwe, a re ba ne ba tla ka mogopolo wa gore ba batlisise bana ba motse oo ba ba nang le dikitso tsa kago, motlakase, kgokelo ya metsi le tse dingwe mme ba sena ditlankana. Mme Baikepi re seo se ne sa motlhofofaletsa tiro. FNBB e rwesa baithuti ditlhako Rre kapeko one a gakolola batho gore fa mohero o oka seke wa lwantshi ka mashetla o tla felela ka go ba bakela mathata e seng fela mo masimo mme le mo matshelong a bone le a leruo ka kakaretso. A re kgaogo eo e sale e diragala ka ngwaga wa 2011 mme nako kgolo ke eno mme a kopa mopalamente go ba tswa thuso. Mogokgo Segametsi Matlho o galaleditse dithuto tsa lekoko leo ka a re di tlaa thusa baithuti go tokafatsa dithuto tsa bone. A re ba kopana le dikgang tsa bana ba ba tsenang ka lenga la seloko morago ga go fiwa dibuka, mme seo e nne tatlhegelo e tona mo pusong. Rre Masisi a re puso gape e tla simolodisa thuto ya dikole tsa bananyana ele tsela nngwe ya go tokafatsa maduo mo dikoleng. Mongwe wa balemi ba, Rre Badisa Galetale o supile fa a kgonne go ntsha dikgetsi tsa mmidi di le 106 mo diekereng tse tharo le tsa lablab di le 560 mo diekereng tse tlhano ka a ne a lemile ka ditselana. O gakolotse kereke go sa kgala lentswe mo go lwantsheng lehuma ka le sa eletsege gotlhelele mo lefatsheng la Botswana. Rre Odigetswe a re go monate gore ba balelwe mo go tse dintle go na le tse di maswe tse baithuti ba inaakantseng le tsone. A re Sheerwood le dipolase tse di mabapi ke mangwe a mafelo a a kwa ntle ka jalo go na le kgonagalo ya gore ba ba nnang teng ba tlhoke ditlamelo tse dingwe ka jalo ba tshwanelwa ke go tsibogelwa. Dihutshane di bogadi bo gaufi Baruti ba dikereke tse di farologaneng kwa Lobatse ba ne ba rapela gore dikotsi tsa tsela di fokotsege, ga mmogo le tiriso ya nnotagi le maikutlo a a sa iketlang. Fa a rola motshine oo wa Canon kwa sekoleng seo bosheng, Rre Mabutho a re o gwetlhilwe ke go bona maduo a sekole seo a sa itumedise, mme a lemoga fa go na le sengwe se se ka tswang se tlhaela go tsweledisa thuto ya baithuti, ka jalo a bona go tshwanela go rekela sekole motshine oo. Mme Kgosintwa o bile a tlhalosa gape fa ntlo eo e tla dira gole gontsi ka bane ba lemoga fa bana ba latlhegelwa ke motlhala puo le goitse ngwao. A re mmuso o abetse lephata la gagwe madi a tla dirisiwang go duela dikgosana tsa tetlanyo dile makgolo a mabedi, masome a robabobedi le metso ele merataro (286) lefatshe leno ka bophara mo ngwageng wa madi wa 2015/16. Mogolwane o ne a lebogela ba FNBB le ba BPC tiro e ba e dirileng go nna le seabe mo thutong mme a rotloetsa bana go tshwara ka natla e se re gongwe maiteko a a tsena ka motlhobodika. Mme Tshireletso o ne a rurifatsa gore fa go kgonega, e tlaare kabo ya madi e e latelang, puso e tsenyetse motse oo madi, ka o tlhomamisiwa gore ke motse ngwaga o o fitileng. Dr Somololekae a re, ere ntswa puso e tsweletse ka go thusa setshaba ka ditlamelo tsa mahala, bontsi bo santse bo saletse morago ka go sa itlhokomeleng mo go itlhatlhobeleng malwetse a tshwana le kankere. Botswana registers second COVID-19 death Tlhaelo ya metsi e apere Semitwe Modulasetilo o ne a lebogela komiti eo ya dibetso tsa tlholego bonatla jwa yone le boineelo jwa go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o sireletsegile. Rre Ditsele o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe ene ya gola ya atlologa fa dingwaga di ntse di tswelela, a tlolela kwa moseja ga noka go thoma tshingwana teng kwa le gompieko a direlang teng. Baikopedi ba lenaneo la kago ya matlo ba ka feta masome a mararo go tswa kwa dikgaolong tsa bopalamente di le tlhano, ba segofetse morago ga go ema dingwaga di fera bobedi ba ntse ba lebile tsela go bilediwa dikopo tsa bone. Mme Sethono o ba tsibositse gore puso ga e kake ya emela tlhoka boikarabelo e e kana, mme ba ba dirang bosutlha le bosula jo, ba tlaa tseelwa dikgato tse di gagametseng. A re mo nakong eno motse o setse o na le ditsha tse di potietsweng di le sekete le makgolo a marataro, tse e tla reng morago ga khansele e sena go bona madi a go isa ditlamelo kwa go tsone, e bo e baya banni. Nako tsele tsa maloba go ise go tle bongaka jwa sekgowa, Batswana go ne go na le ka fa ba ikalafang ka teng fa ba lwala kgotsa ba golafetse, le go alafa leruo tota. Kgosi Sekai a re o itumedisiwa segolo bogolo ke go tlhongwa ga rre yo o tswang kwa sesoleng, yo o itseng ka boitshwaro gammogo le setho, a tlhalosa fa Barokologadi ba le lesego go nna le kgosana wa seemo seo. Fa a rola semmuso letsholo la Monna tia kwa Ghanzi bosheng, Rre Ngaka o boletse fa a tshwenngwa ke go golela pele ga dipalo tsa kgokgontsho ntswa maiteko a go e lwantsha a le teng. Mo nakong eo fa o le ngwana wa mosetsana o ne o tshwanelwa ke go thusa batsadi ba gago ka ditiro tsa lelwapa. O ne a a fa sekai ka gore ka nako ya ngalo ditiro ya babereki ba ne ba ithaopile ba thusa balwetse kwa kokelong. Fa a kgwa mothusa-tona kgaba, mongwe wa banni ba motse wa Jackalas 1, Rre Justice Majase o ngongoregile ka go tla thari ga diterekere kwa motseng wa bone, seemo se a boletseng fa se dira gore balemi ba siiwe ke bokgola. Mme Ndebele o ne a supa fa seemo seo se kukediwa ke gore mapodisi a motse oo ga a na koloi le fa e le ditsompelo tsa itshireletso tse ba ka di dirisang fa ba ka tlhaselwa ke banwi kwa dipotong. O ne a kgothatsa batsadi go sala morago tsotlhe tse di kwadilweng mo karateng ya ngwana le go netefatsa gore mekento le melemo e tsewa jaaka go tshwanetse. O akgoletse batho ba motse wa Mogotlho bopelotelele a re go a busetsa, mme o ba gakolotse gore ba tshware fela jalo ka motse wa bone o sa tswa go amogelwa ke goromente go nna motse ngogola. Ba re motse wa bone o na le dingwaga go sena diphetogo dipe tse di kalo mo go one ka dilelo tsa bone di sa reediwe. O tsweletse a re kagiso e e renang mo lefatsheng leno e file Motswana mongwe le mongwe seriti. Morafe wa Barolong o gakolotswe go ikaega ka ngwao, bogolo jang ya temo ka ba itsewe thata ka yone. O rotloeditse Batswana go ithekela dikoloi tse ba di bonang ka matlho le mo bathong ba ba nang le diteseletso tsa go rekisa dikoloi. A re go maleba mo nakong ya gompieno go lema dijo tse di bogadi bo gaufi jaaka dinawa ka seemo sa loapi se sa itsagale. Paka e e tlaa abelwa bana ba le 62 go tswa mo mephatong yotlhe ya sekole, go akarediwa le ba thuto e e faphegileng. Batsadi ba ne ba leboga barutabana go ba lemosa nako e sale teng fa go na le dingwe tse di sa tsamayeng sentle, ba re ke tshwaragano e ntle thata, ba gatelela ka gore lore lo ojwa lo sa le metsi. Jaaka batsadi ba sa bonale jaana, boeteledipele bo tshwanetse jwa tsenya leitlho go sekaseka gore a bana ba, ga ba nne ba le nosi. O tsweletse a bolela fa tlhotlhoetso e a neng a e fiwa ke batho ba motse e ne ya dira gore a tswelele ka tiro ya gagwe ya go betla dikika, metshe, ditilo le tse dingwe. Mme Toto o ne a kgala thata banana gore ba lese go ikaega fela ka puso gore ke yone e tla a ba thusang ka dinako tsotlhe, a kaya fa le bone ba tshwanetse go itirela ka diatla tsa bone go intsha mo lehumeng le go itlhamela mebereko. Ka jaana kgwebo le dikgwetlho ele di ya thoteng, Rre Thokwane le ene o kopane le le dikgwetlho mo kgwebong ya gagwe, jaaka go rutuntsha babereki ba gagwe ka go thusa bareki. O kopile puso gore e ba sekasekele gore dipolasi tse di ka thusa jang beng ba motse go na le go solegela molemo batho ba ba tswang go sele. Mogolwane wa baoki ba kgaolo eo Rre Cheneso Phiri yo o direlang kwa Lecheng, o tlhaloseditse Dr Somolekae gore ba tshwere ka natla go isa dithuto kwa setshabeng moso le moso pele ga ba simolodisa tiro ya letsatsi. Moruti Edwin Mophato o ne a gakolola setshaba gore ba ikgakologelwe ba thuse ba ba sa kgoneng gore le bone ba bone kagiso mopelong le gore dikereke tsa bone e nne dikereke tse di nang le thomo ka bonemaikaelelo a bone e le kereke ke go tlhakanela ikgaratlhelo ya botshelo le setshaba ba kopanetse seole puso. Col Motswagole o ne a supa gape fa ba diretse kokelwana ya motse oo tshingwana ya merogo. A re ditlhabololo tse di tsileng di ngotlile lefatshe la mafudiso kwaMedie le Kweneng. Rre Mabutho a re kwa sekoleng se segolwane sa Goshwe, o dumalane le bone gore ngwaga le ngwaga ka nako ya moletlo ya kabo dimpho o tlaa abela baithuti ba ba gaisitseng ba bangwe mo mephatong yotlhe P150 mongwe le mongwe. Ke gone ka moo Kgosi Hetanang a neng a ikuela mo morafeng wa gagwe go ikgapha mo mekgweng ya go nna jalo ka e ka ba senyetsa bokamoso. O rotloeditse gape gore barui ba rue dikgomo tsa mashi, a bolela fa mashi a tlhaela thata mo Botswana. A re gape ba bolotsa letsholo gore mongwe le mongwe yo o tlaa bong a batla go sega bojang o tshwanetse a ikopanye le bodiredi jwa lephata kwa dikgaolong tse ba tlaa bong ba batla go sega teng gore ba kgone go fiwa diteseletso. Mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso, a re maikaelelo a lephata la gagwe ke go simolola go atswa kana go duela dikgosana tsotlhe tsa tetlanyo mo ngwageng wa madi wa 2015/16. Bopaganang o ipelela dingwaga tse masome a mararo Mogolwane wa lebentlele la Choppies, Rre Ramachndran Ottapathu a re ba setse ba agetse batlhoki matlho a le masome a matlhano le botlhano. A re maitlamo a khamphani ya gagwe ke go godisa ngwana wa mosetsana mo kitsong ya maranyane mme gape ba ruta bana ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng mahala. A re sengwe sa dilo tse ba di lemogileng ke gore bana ba ba nang le bogole ga ba wetse dithuto, mabaka mangwe e le gore ga go na yo o tlhaloganyang puo ya bone. Ke kopa modulasetilo wa Umbrella PTA, Rre Sebolai, a tsosolose makgotla a di PTA gore ba tseye maikarabelo a go lemotsha batsadi boleng jwa thuto ya bana ba bone, Mma Morake a kopa. E rile fa a buisa phuthego ya kgotla ka bosheng molemisi mo motseng oo, Rre Poloko Osenotse a kgothatsa balemi go ya go baakanya masimo a bone ka go a epa disana le go thuba diolo tse a tlhalositseng fa di kgoreletsa kgolo ya dijalo. A re bokopano jwa mofuta o, bo tlaa thusa go arogana maele ka maikaelelo a go tokafatsa ditlamelo tsa thuto go lebeletswe go akaretsa ba-na-le bogole. A re selo se se ja nako e ntsi ka mosepele wa teng o le moleele. Rre Segadika o supa fa bagolo ba lefatshe leno ba ne ba kgona go emelelana le dikgwetlho tsa botshelo jwa nako eo ba dirisa matlapa mme botshelo bo tswelele pele fela sentle. Kgari o atla kamogano marapo Modulasetilo wa mokgatlho oo Mme Hildah Kavurase-Sedio, o tlhalositse mo potsolotsong gore mokgatlho wa bone o simolotse kgwedi ya Mopitlo e rogwa monongwaga. O ne a tlhalosa fa se e le sone sesupo tota fa batsadi ba ikemiseditse go lwantsha botlhoka tsebe le borukutlhi mo motseng. O tlhalositse gape fa bolwetse jwa letshoroma le jone bo le teng mo kgaolong ya Tswapong Bokone. Mothusa tona a re, mogare o tsweletse ka go kukela, ka batho ba tlogela go nwa dipilisi tsa diritibatsi ba tsaya gore ba fodile. A re tona wa temo-thuo o itse ka seemo sa bone ka a ne a ba solofeditse go rarabolola mathata a bone mme nako kgolo ke eno. Fa ba mo kgwa dikgaba, balemi ba supile fa ba itumeletse dithuto tseo, ka jaana ba ne ba sena kitso ka tlhokomelo ya ditshefi le bomosola jwa tsone ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le diji le mhero, mme ba solofetsa fa ba tlaa simolola go di dirisa. Mo diphuthegong tseo banni ba dibete le Bonwapitse ba rile le ntswa puso e na le mananeo a a ka tokafatsang matshelo a bone, sebe sa phiri ba ngongoregisiwa ke tiego ya go abela batho ditsha tsa masimo le dikgwebo ke makgotlana a kabo ditsha le tiego ya go abela batho dihutshane ka lenaneo la nyeletso lehuma. Mme Morotsi o buile seo mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke lephata la bone le dikgosi, bogogi jwa motse le maphata a puso ka go farologana bosheng. A re setlhare se se anama motlhofo ka se jewa ke dipudi le ditonki mme se se raya gore se se ka tswa se aname mo sekgweng se se dikaganyeditseng motse ka diruiwa tseo di tsamaya gongwe le gongwe. Ba re metsi a botlhokwa go nosetsa dijwalo tse ba di lemelang leruo la bone mme ba kaya fa se se ka seke sa ba kgoba marapo go tsweledisa maikaelelo a bone. E rile fa a itebaganya le banni ba Bobirwa, Rre Seoko a tlhalosa fa go thapa motswakwa yo o se nang dipampiri tse di mo letlang go bereka le go nna mono e le molato o motho a ka o atlholelwang sekete sa dipula. Banni ba Masingwaneng kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba re ga robatswe ke ditholo tse di uputsang masimo a bone. Rre Gaoforwe o tlhalositse gore e re matshelo a batho a tlhabologa jaaka puso e eletsa, Batswana ba tshwanetse go nna le se ba ka se dirang go itshetsa gore ba tswe mo lehumeng. Puso e bile e tsweletse ka go dira ka gotlhe go tla ka mananeo a a ka rotloetsang katlego ya seelo se. Bagwebi ba ba rekisetsang mo mmarakeng wa motse wa Serowe ba bolela fa ba sa itumedisiwe ke go sa gokelelweng metsi mo mmarakeng oo. Mokhanselara wa Mokwena, Rre Atamelang Thaga a re sekole sa Grace Kgari se tlaa agelwa ntlo ya borutelo jwa bananyana mo mading a a filweng kgaolo ya bone. Arch bishop Mereyabone o kaile fa maikaelelo a bone e le go di goga kwa pele mo go supeng mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato mo setshabeng gongwe le gongwe kwa ba kopanelang teng. Mokhanselara wa Kumakwane mme Winnie Cassim, o gakolotse ka botlhokwa jwa go rutuntsha makhanselara ka ditsamaiso tsa khanselele le boitshwaro jo bo solofelwang mo go bone pele ba ka simolola tiro ya go emela dikeletso tsa batlhophi ba bone. Kgosi o ne a fetisetsa ditanka tseo kwa Water Utilities Corporation (WUC) gore ke bone ba bone gore ba ka di isa kae ka ke bone ba itseng botoka gore letlhoko le le ntsi kae. Baithaopi ba le masome mabedi le boraro ba mokgatlho wa sefapaano se sehibidu ba rutuntshiwa ka go laola manokonoko a dibetso tsa tlholego kwa Lesoma mo kgaolong ya Chobe. Molomaganya lenaneo, Rre Alfred Kagisanyo o boletse fa lenaneo le atlegile fela thata e bile le ba tswela mosola ka dipotso tse baithuti ba di fiwang di itebagantse le thuto e ngwana a e rutilweng, ka jalo di bula tlhaloganyo ya moithuti mme ere fa a tla go kopana le ditlhatlhobo tsa makgaolakgang go nne motlhofo go araba. Mo go tse dingwe, banni ba Kgari, Masukwane le Pole ba ne ba ikuela mo pusong go dira sengwe go leka go namola batho mo leubeng ka go lebega monongwaga leuba le tlaa bo le shenne meno ka jaana lefatshe le kwakwaletse ntateng ya boutsana jwa pula. O tlhalositse fa mo motseng wa bone dituelo tsa batho ba batsenyang tereta di nna di saletse ko morago mme 0 se se dire gore e re le fa ba batlaba ba ka ba thusang ba se ba bone, ka ba kgobiwa marapo ke dituelo tse di tlangnako e ile. A re motse oo fa o simologa o ne o na le batho ba le masome mararo mme palo ya batho e a gola mme ga gona kwa ba katologelang teng. Fa a araba kgosi Mboma Diriro yo o neng a kopa go tlhalosediwa gore motho fa a na le ditsha lefatshe ka bophara o di kwadisa jang, Mme Mokete o ne a re: motho o tshwanetse a kwadisa ditsha tsa gagwe fela tsotlhe. E rile a bua le A re godimo ga ditlatlana o loga ditshelo, mebanki ya diaparo, dibeke tse di akgwang, dikgwama le tse dingwe. O tlhalositse gore ba nnile le bokopano le boeteledipele jwa lefatshe, batsaya karolo go tswa khutlong tsotlhe tsa Botswana mme ba lekodisana ka seemo se, le gone go lebelela dipaakanyo gore a ba na le didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang go lwantsha molelo fa o ka tlhagoga. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Kelathegile Kedidimetse o buile se a lekodisa phuthego ya kgotla kwa Lecheng bosheng. Fa ba akgela, banni ba ne ba supa fa dibuka tsa ikwadisetso ditlhopho di sa babalesega mme ba kopa ba ofisi ya ditlhopho go dira dithulaganyo le badirela-puso ba ba mo dikgaolong ka go farologana, ba a fa sekai ka bagokgo le mapodise gore e nne bone ba ba tshwarang dibuka tseo fa ba ba kwadisang ba golola maitseboa mangwe le mangwe. Mo bogompienong a re o setse ka dipodi di le 36 morago ga go rekisa di le 10 fa 19 e bolailwe ke bolwetse. Mme Jansen yo o tlwaelesegileng ka go bidiwa Mmakabo a re mmutla o le mongwe o kgona go tsala mebutlanyana e le lesome kana go feta foo, go tswa fela gore o e tlhokomela jang. A re diphetogo dingwe le dingwe tse disha di tla ka bothata jwa tsone, e bile go se motlhofo go ka amogelwa ka go na le se batho ba abong ba ntse ba se tlwaetse, mme ba ikgatholose bomolemo jwa sesha. O lebogetse lephata la temo- thuo le la banana go bo ba ba eme nokeng thata mo go lemeng le go itlhabolola. Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa sekoleng seo, Mme Peolane Modisaotsile, o gwetlhile batsadi go tswelela ka go thusana le barutabana, a tlhalosa fa mabogo dinku a thebana. O kgadile a sa kgwe mathe mokgwa wa batsadi ba ba sa kaeleng bana tsela e e siameng ya botshelo, a supa fa go swabisa gore motsadi e re a itse fa a ise a rekele ngwana mogala wa letheka e bo e re a mmona a o tshotse go bo go sa mo tshwenye go mmotsa kwa a o tsayang teng. A re ba ntse ba se emele dikeletso tsa batlhophi ba bone sentle ka gantsi ba tlamega go itebaganya le dikgang tse di mo pegong ya modulasetilo. A re ditsamaiso dingwe tse di dirwang di a fatlha, ka go na le bangwe ba ba fiwang mananeo ntswa ba na le bokgoni jwa go ka itirela go tlogela ba ba amilweng thata ke lehuma. A re tlhwatlhwa ya diteemane mo matshelong a Batswana le mo go tlhabololeng lefatshe leno ke e kgolo, ka jalo ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe go lwantsha bogodu jwa tsone. Tshekatsheko mo tshekong e mo go yone monna yoo amegang mo metseletselng ya dikgang tsa bogodu jwa leruo di le tlhano, Tshepiso Zulu wa kgotla ya Borakalalo kwa Molepololeng e tla rolwa ke Mmakaseterata Ike Raphael ka Labotlhano. Kgosi Radipitse a re gongwe thobo e ba e boneng ngwaga ono ke ya bofelo ka gore batho ba setse ba tshaba go nna kwa masimo go leta dijwalo tsa bone ka ntlha ya go kgokgontshiwa ke bana ba motse. Rre Maele o rile ere ka dipula tsa gompieno dina ka boutsana e bile Batswana ba tlhaelelwa ke di dirisiwa tsa temo jaaka diterekere, megoma, dipolantara gammogo le go tlhaelelwa ke lefatshe, batho bangwe ba tsaya seo ele seipatlo sa go gana go lema ntswa motho mongwe le mongwe a beile botshelo jwa gagwe mo dijong. Ba-na-le-bogole kwa kgaolong ya Ghanzi ba kopilwe go inaakanya le mananeo a puso go dira dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone gona le go baya mo batsading le puso. O tlhalositse fa UCCSA e bonwa mo mafatshing a le matlhano mo borwa jwa Aferika, ebong Botswana, Mozambique, Namibia, South Africa le Zimbabwe, fa ntlo kgolo e le kwa South Africa. A bolela fa barutabana ba na le nako e ntsi le bana ba dikole, ka jalo ba na le seabe mo kgodisong ya bone, ka jalo ba tshwanetse go dira seemo se se rotloetsang bana go ithuta sentle le go ema batsadi nokeng mo dithutong tsa bana, bogolo jang ka dikgang tse di amanang le tiriso ya bojalwa le diritibatsi. Banni ba Mogome ba ne ba re go sa wediwa ga kago ya ntlo ya molemisi go ba beile ka fa mosing ka ba sa kgone go tlhatlhoba dikgomo sa bone fa ba batla go pega. O thalositse fa seruiwa se ne se tlhajwa thobega fela jaaka motho, mme pharologanyo e ne e le gore se ne se direlwa kwa sakeng, go epilwe mosima go direla mo teng, mme morago o katelwe gore diruiwa tse dingwe di seka tsa gata. O ne a supa fa kgwebo e simolotse e dira sentle mo mmerakeng ka a ne a na le bareki ba ba popota le fa gompieno e wetse tlase ka ntlha ya go tlhoka go ipapatsa sentle. Balwetse bao ba mongwe wa bone a tlholegenang kwa lefatsheng la Zimbabwe ba akgoletse ba sepodise sa Botswana go ba abela dimpho tsa maungo le madi a neng a kgobokantswe ke mapodise a pharakano a neng e tsene dithutopuisano tsa malatsi a mabedi mo Mahalapye. Se, se boletswe bosheng ke modulasetilo wa setlhopha seo Rre Sydney Magagane kwa phuthegong ya go lekodisa balatedi ka seemo sa setlhopha le go betla tsela go ya pele. O ba kopile go rekisa dikgomo tsa bone a supa fa sebe sa phiri e le bogodu ja dikgomo jo ba sepodisi ba supang fa bo golela pele. O tsene mo nyalong e e boitshepo le moswi Josephine Thekiso ka ngwaga wa 1955 jalo o tlogela bana ba le bane, mosadi, bommonawe ba le bane, bana ba bana ba le 24 le ditlogolwana di le 19. O nle a supa gore mo Serowe o abetse sekole se sebotlana sa Motetshwane ka segolo bogolo a lebile gore se na le bana ba ba nang le bogole. Batsadi ba Takatokwane ba emetse thuto ka dinao Fa ba mo kgwa dikgaba, badiri ba maphata a a farologanyeng ba ne ba dumalana le modulasetilo fa bontsi go lebega bo santse bo tlhokana le thuto e e tseneletseng ka mananeo a a leng teng a puso a a itebagantseng le go tokafatsa matshelo a bone. Morago ga go simolodisa lenaneno la 'home remedial' kwa sekoleng se se botlana sa Makolo, mogokgo o bolela fa le ntsha maduo a mantle fela thata. Mothusatona Rre Van Der Westruihuizen o ne a itlama go thusa ka mpho ya go ba rekela dikhethene tsa ofisi ya ofisi ya kgotla ya Maubelo. Rre Molale o buile jaana, kwa Childline Botswana kwa ba ba direlang ka fa tlase ga ofisi ya ga Tautona ba neng ba lema merogo teng, ka Labotlhano (21/11/2014). Mme Samakha o tlhalositse fa go bopiwa ga nkgo go dibelwa fela jaaka botsetsi, ga go tsene makgarejwana go fitlhela e fetswa. A re fa go ka nna le thuto-puisanyo le go tshwara ditshupo tsa thuto mo Artesia gongwe bana ba ka nna le kgatlhego ya go tsaya thuto ka tlhoafalo ka jaanong ba ka lemoga boleng jwa yone. Mme le fa go ntse jalo, banni ba ne ba kopa puso gore sekole sa bone se sebotlana se atolosiwe go ya kwa lokwalong lwa bosupa ka jaana sekole se ruta go ema ka lokwalo lwa bobedi. Rre Hayman o ne a tswelela a tlhalosetsa tautona gore fa ba tsena mo motsaneng o, go ne go sena sepe sa ditlhabololo tse di tshwanang le sekole, kokelwana le fa ele tsone tota ditirelo tsa sepodise. O ne a eletsa fa Molaodi le ba ofisi ya Nyeletso Lehuma ba ka thusa ba ba thusitsweng ka dikoko go fiwa dijo tsa dikoko dikgwedinyana ka ba babalelwa ke ditlhwatlhwa tsa dijo. Kgosana Jack Molaoeng le ene o ne a akgola kereke ya St John a re go molemo go bona motho a dira tiro e ntle go na le yo o dirang ditiro tsa borukutlhi a ba a gwetlha banana go tsaya malebela. O boletse gape gore go na le balemi-barui bangwe ba ba tsayang bana ba ba isa kwa merakeng go ba disetsa bogolo jang ba batsadi ba bone ba tlhokang, a re selo seo ke molato ebile go rontsha ngwana thuto. A re e le ba botsogo, ba ikaelela go tswala phatlha e e ntseng e le teng ka go neela bana tsotlhe tse ba di tlhokang tsa botsogo. A re maikaelelo a thuto-puisanyo eo ke go leka go ritibatsa seemo sa borukutlhi jo bo ileng magoletsa mo motseng o ka e bile e le motse o motona. Mo potsolosong le BOPA, Mme Samakha yo e bileng e le modulasetilo wa A re Itsoseng Bagolo Pottery, kwa Kgotleng ya Phokela kwa Serowe a re ke bangwe ba ba tsibogetseng lenaneo la thutho ga e golelwe mme ba direla mo lwapeng. Rre Pagiwa o tlhalositse fa se se ba itumedisitseng le go feta ka bana ba lokwalo lwa bosupa e le go bo ba ne ba tsena sekole sentle, mme a supa fa seo se kgonagatse ka mabaka a gore batsadi ba lemotsha bana ka bomosola jwa thuto, mme a kaya fa kemonokeng eo e thusa fela thata. O ne a ba kopa go dira le ene sentle gore ba tle ba tsweledise tse di amang kgotla ya bone, a re o tla ba reetsa ka nako tsotlhe, mme a kope thuso fa a sa kgoneng teng. O gateletse gore bojalwa le diritibatsi ga di tsamaelane ka jalo a kopa badiri ba botsogo le setshaba ka kakaretso go tshwaragana mo go lwantsheng tiriso botlhatswa ya nnotagi. E re go ntse jalo, kgosi a re Batswana ga ba tlhole ba itse diane le meila ya Setswana, e bile dibuka tse neng di ka thusa le tsone di kwalwa ka sekgoa. A re gore go bo go rena kagiso mo lefatsheng ke puso ya BDP, e bontsi jwa mafatshe bo e meletsang mathe. O tsweletse ka go tlhalosa fa maitsholo mangwe a a duleng mo tseleng a tshwana le dintwa mo motseng di diragala ka lebaka la go sa saleng melao ya khansele morago ke beng ba dibara. A re le bone ele lephata ba itemogetse gore batho ba kgaolo eo go gontsi mo ba tlhokanag le go thusiwa ka gone go tshwa le go tsisediwa balemisi ba ba lekaneng mme are puso e dira gotlhe mo eka go dira go bona gore balemi ga ba tlgelwa ka fa mosing. Mo potsolotsong le lekalana la BOPA mogakolodi kwa mokgatlhong oo, Mme Valentine Tendani, o tlhalositse fa go santse go le thata gore bone ba ba amiwang ke kgokgontsho ba tle go ikuela ka ba tlhajwa ke ditlhong tsa gore ka moso setshaba se tla ba leba e le batho ba ba ntseng jang ba bas a sisimogeng go baa mathata a bone mo mpaananeng go itsiwe ke setshaba. Rre Senai a re ditlamelo tsa phatlalatso ya metsi di turu, ka jalo go botlhokwa gore ba ba kgonang ba tswelele ka go duela dikoloto go ba kgontsha tiro. Banni ba kgotla ya Mongala kwa Kanye ba ngongorega ka go dutla ga diphaephe le dipompo le mororo ba begela ba koporase ya metsi ya Water Utilities mme go se nko e e tswang lemina go di baakanya. Mopalamente Rre Lelatisitswe one a ba kgwa dikgaba a tlhalosa fa kgang ya go ba fudusetsa kwa landboard ya Letlhakane ba tswa kwa Marapong ene diilwe ke gofetolwa ga melolwane a re kgang ya teng e wetse mme e tla rolwa kwa Khanseleng ee tlang. Rre Solomon o ne a tswelela a tlhalosa gape gore ba ne ba tsaya tshwetso ya go rua dipodi go na le dikgomo morago ga go lemoga kwelotlase ya ditlhwatlhwa kwa mebarakeng. Kgosi Sue Mosinyi o supile fa morafe wa gagwe o lebaganwe ke kgwetlho e tona ya letlhoko la metsi. O lebogotse lenaneo la temo thuo la ISPAAD ka jaana le thusitse Batswana ka kakaretso ka bontsi bo itemela go itirela dijo. Dipalo tsa kgokgontsho ya bong di golela pele bosigo le motshegare. A re selo se, se imetsa barutabana mokgweleo ka ba tshwanelwa ke go rwala maikarabelo a botsadi gammogo le a borutabana jalo a gwetlha batsadi go tsibogela thuto ya bana ba bone.BOKHUTLO Go itela kobo moroko mo go seo molemi mongwe mo wa motse wa Omaweneno Rre Osenoneno are dinku tsa gagwe di dikile di tsenemo masimong aga Rre Marutshe mme tsa fetsa beke gone foo ka bane ba sa kgone go tsena baya go di ntsha ka ntlaha ya go tshaba sera se. A re fa e sale ngwaga o simologa ba bone baikuedi ba le supa mme e bile o dumela fa go nale ba ba santseng ba tla ikatumetsa. Fa a akgela kwa phuthegong ya kgotla ya modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Dick Busang o ne a re mapodisi a tsweletse ka go rotloetsa morafe go ikgolaganya le dikomiti tsa twantsho borukhuthi go fema borukhutlhi. O rotloeditse badiri ba lephata la bong go pepetletsa ba ba filweng mananeo gore a seka a phutlhama. Se tshwarwa ke ntsa pedi... Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mosinki gaufi le Molepolole, Mme Tebalo Nchoko a re banni ba koo ba lebogela go menagane lenaneo la go isetsa bana ba bone ba babotlana thuto. Pego ya mmuso e tswelela e tlhalosa gore ka maikaelelo a go tswelela ka go tokafatsa mabaka a pereko a bodirelapuso, dikatso tsa bodiredi jwa booki tsa 30 percent tsa go dira lobaka lo lo leele morago ga dinako tsa tiro Pego e tswelela e re dikatso tsa go dirisa koloi ya mong mo tirong di tla tlhatlosiwa ka 4 percent mo kilomithareng mo godimo ga 30 percent yo o tsentsweng ka kgwedi ya Ngwanatsele 2013. O ile gape a re ba tshwanetse go nna le letlole la morafe gore ba kgone go supa go tsena le go tswa ga madi le gone go itsa go tlhakatlhakanya madi a bone le a setshaba. Mongwe wa batsadi, Mme Selogile Mandelo o tlhalositse fa bontsi jwa baithuti bo ima ka malatsi a boitapoloso, ka jalo a gwetlha batsadi go ela metsamao ya bana tlhoko, segolo jang ka nako ya fa dikole di tswetswe. Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa Letlhakeng/ Lephepe Rre Liakat Kablay fa a buisa phuthego kwa Botlhapatlou bosheng. Mapodisi a Gumare a tlhotlhomisa ditiragalo tse mo go tsone makawana a le mabedi a ikgapetseng botshelo bosheng. Rre Motlaleng o ne a akgolakomiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mmatshumo,magosi le ba komiti ya botsogo gobo ba tsweletse ka go ruta setshaba ka botlhokwa jwa tshomarelo ya tikologo. Fa a bua mo potsolotsong, moemedi wa setlhopha seo, Rre Ogorogile Keitsetse o ne a supa fa botsala ja bone le Gender Affairs bo simologile ka ngwaga wa 2015. Banni ba buile jalo bosheng mo phuthegong e neng e buisiwa ke mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, yo o neng a ba lekodisa ka tsa palamente e e fetileng. Fa a ema morafe ka lefoko Kgosi Mokhutshwane Sekgoma one are o lebogela gore abo ba bone gole botlhokwa gore ba tlise bonnye jo ba bo boneng kwa kgosing ka seo se supa fa ba leboga badimo gore a bo ba ba hile thobo ee nametsang monongwaga. O tlhalositse fa ditiro tse di ntseng jaana di ka ba tsisa gaufi le setshaba. Ke tshwenyegile ke tiriso ya bojalwa mo batsading. Mookamela motlobo wa dibuka gone mo Maunatlala Rre Morning Nkepe o boletse fa ba gagamaditse molao ba netefatsa fa pampiri ya dikgang e balelwa mo motlobong wa dibuka e sa tswele kwa ntle go fa ba bangwe sebaka sa go tla go e bala. Rre Ogotseng a re bogogi bo batla ofisi ya bong kwa Rakops. Lephata le abela masiela Rre Manjeya yo e leng mogwebi mo Tsabong o ne a kgothatsa le yone komiti e ntsha e e tlhophilweng go dira ka natla le go nna le mowa wa boithaopo le lorato ka seo se ka ba kgontsha go dira ditlhabololo tse di ka godisang le go isa sekole seo kwa pele. O ile a re setshaba se ba bitsa magodu, ka mongwe le mongwe a kgona go ipitsa morongwa wa makgotla a ditsheko. E rile a ba kgwa dikgaba modulasetilo wa komiti ya temo-thuo, lefatshe le bonno, Rre Ngaka Ngaka a re o dumalana le bone gore go tlhoka lefatshe go busetsa ditlhabololo kwa morago e bile go ka tsenya batho lehuma. Mme Seipone Gare wa Shorobe mo kgaolong ya Nhabe o itshetsa ka go loga ditlatlana ka go kopanya mokolone le sekhakha. Kgosi o gwetlhile Batswana go sireletsa sengwe le sengwe se ba se bonang mo mafelo a a sa tlwaelesegang go etelwa ke batho ka go bo se ka solegela lefatshe molemo mo isagong. A re o dumela fa le mo khanseleng ya bone o ka bereka ka jaana o tlaa fa bakaulengwe go buisanya ka matshwenyego a batlhophi ba dikgaolo tsa bone. O ne a tswelela a bolela fa ba isitse setopo seo kwa setsidifatsing sa Kagiso go leta go tlhatlhojwa ke ba bongaka. Rre Morwe o ne a itsise bakgweetsi ka boranyane jo bosha (FTMMS) jo bo tla tsenngwang mo dikoloing tsa puso go laola mosepele o ba o tsamyang fa ba le mo tirong a supa fa seo se tla thusa gore di dirisiwe ka fa go tshwanetseng ka teng. Ka nako ya sekole ke dirisa inthanete go lebelela ditshwantsho tsa botaki tse di nthusang gore ke tswelele ka go gola ka tiro ya botaki, a tlhalosa jalo. O tlhalositse gore bokopano joo bo na le dingwaga di feta lesome bo ntse bo tshwarwa ke kereke ya bone, ka jalo a re bo file bomme sebaka sa go buisana ka go tokafatsa matshelo a bone ga mmogo le go tsaya malebela mo go ba bangwe ka go abelana maele. Fa a bua mo bokopanong le banana kwa dikgotleng tsa metse eo bosheng, modulasetilo wa lekgotla leo, Dr Kelone Khudu-Peterson o supile fa lekgotla la bone le itlamile go ruta banana segolo jang ba metse e e kgakala le ditlamelo gammogo le metse selegae ka dithuto tsa ditiro tsa diatla di akaretsa go roka le go ba tlhatlhelela ka fa kgwebo e tsamaisiwang ka teng le maele a go ipatlela mmaraka. Rre Keatshabe o ne a supa fa diofisi tsa lekalana leo di le mo mafelong a supa, ebong Kanye, Kang,Maun,Francistown,Palapye, Gumare le Gaborone, a tlhalosa fa ba dirile seo ka maikaelelo a go atumetsa maloko ditirelo. O ne a tswelela a tlhalosa fa e rile go tswa mo kiribaneng eo, kgwebo ya gagwe ya tlhatloga mme a kgona go reka kolotsana ee rekisetsang dijo. Mothusa modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Letlhakeng, Mme Tshoganetso Gabotlhakanelwe, a tlhalosa fa maikaelelo a leeto la bone e ne e le go tla go tsaya megopolo le go kopa dikgakololo. Moanamisa mafoko wa khansele potlana ya Serowe, Rre Onkabetse Ntwe, o tlhalositse mo potsolosong fa go santse go sekasekwa gore badiri ba ka theogela jang. Bontsi jwa makhanselera a kgaolo-potlana ya PAA ba buile jalo mo mafokong a bone fa ba akgela mo puong ya pulo semmuso ya setlha sa ntlha sa ngwaga ya khansele e ba neng ba e beilwe pele ke modulasetilo, Rre Lesedi Phuthego. A re puso e dumela thata mo dikerekeng ka jalo fa makgotla a a eteletseng dikereke a isa boikuelo bope jo bo amanang le dikereke, puso e a ba amogela e ba reetse e bo e sekaseke ikuelo ya bone. A re ka maikaelelo e ne e le go itshimolodisetsa kgwebo, ba ne ba tsenya marapo dinameng go anya mo go Mme Twins. A re fa go sena yo o tlhokometseng go neela magodu sebaka sa go utswa ba le kwa ga mothakga, ka ba itse fa go sena yo o ba bonang. O ikobe fa pele ga Barokologadi ka ke bone ba ka go rwalang ka magetla kgotsa ba ka go digang fa o sa batshware sentle. Mogokgo o tlhalositse fa puso e dirisa madi a mantsi go reka dibuka tsa bana le didirisiwa tse dingwe tsa thuto, ka jalo batsadi ba tshwanetse ba thusa. A re le ntswa go sa ntse go na le bangwe ba ba palo potlana ba ba sa ntseng ba akanya fa thuto ya bana e le mo diatleng tsa barutabana ka go itlhokomolosa go tsenelela diphuthego tsa batsadi le barutabana, mme gone bontsi bo iketeile ka thupana go rotloetsa bana le gone go ba ruta boitsholo jo bo eletsegang mo setshabeng. Thotloetso e dirilwe ke Rre Andrew Rietz wa Mc’Carthy’s Rust kwa kgaolong ya Kgalagadi bosheng. Rre Mochanang ene o tlhalositse fa seabe sa ga Rre Nkgowe mo go kabakanyeng itsholelo ya lefatshe leno se bonwa ke mang le mang. Morulaganyi wa tsa komiti ya setlhopha sa Marulamantsi FC, Rre Lebani Makosha o tlhalositse fa moraka wa Marulamamntsi o tlwaelesegile ka dintwa, dipolaano le borukutlhi ka go farologana ka go nowa thata majalwa a setso a a dirwang mo malwapeng. Kereke ya Galalea e abela batlhoki Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi o tlhaloseditse morafe wa Maun fa kopo ya bone ya go ka tlhoma Rre Bringle Dithapo go nna mothusa kgosi kgolo e atlegile. Mo go tse dingwe o ne a supa fa mo kgaolong ya Kgalagadi bokone seemo sa mogare se le mo go 13.3 per cent mme ba gatisitse dipalo tse disha tsa ba ba tsenweng ke mogare ngwaga o o fetileng ba le lekgolo le masome a mabedi le boraro. Kwa tirelong eo, baruti ka go farologana, ba ne ba ema ka dinao go rapelela kgaolo ga mmogo le gone go kgothatsa botlhe b a ba neng ba tseneletse thapelo go tswelela ba rapela, go nna le tumelo le tshepho ya gore Modimo o tla babalela bao ba ba tsayang mosepele o mo leele ka malatsi a paseka. A re ba na le ntlha e nngwe ya go rutuntsha batho ka tiriso ya madi, morago ga go lemoga fa bontsi jwa Batswana ba jela fela mo ganong ba sa itse go a dirisa le gone go a boloka. O ne a bolela fa dikoloi tse di rwalang matlakala di feta masome a mabedi di ne tsa ema go feta dioura di ka nna nne, a tlatsa ka go re ga ba batle seemo se o ka gore batho ba ka felela ba itlhoboga ba bo ba tshololela se ba se rweleng ko ntle ga lehuti. Rre Keatewa a re e le ba komiti ba bone go le botlhokwa go supa setshwantsho se ka ba ne ba lemogile fa Batswana ka bontsi ba sa tlhaloganye sepe ka botshelo jwa ga Sir Seretse Khama le mohumagadi wa gagwe. Mme Ramatu yo e bileng ele modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng kwa kgaolong potlana ya Mahalapye, o ne a tlanyatlanyetsa batsena phuthego eo fa komiti ya gagwe e tla ya go sekaseka seemo sa ditsela tsa motse wa Mahalaopye le Shoshong kgwedi eno e tlhola malatsi ale matlhano, go bona gore a di mo seemong se se siametseng go dirisiwa ke dipalamo. A re e botlhokwa ka e ka boloka botshelo jwa yo o amegileng pele ga thuso e o ka e bonang kwa sepateleng. Tautona o ne a buisa phuthego ya kgotla mo motsaneng wa Qabo gone ka Laboraro oo, a bo a ora molelo le bagolwane ba motse. A re komiti eo, e bopilwe ka bodirela puso bo akaretsa mogokgo, mooki, molemisi, ba boipelego le ba bangwe. Rre Ngaka o kgothaditse babereki go dira ka boineelo le bopelotelele. A re CEDA e tlaa abela sekole seo motshine o o ntsifatsang dipampiri le dibala-makgolo di le some, a tlhalosa fa e le tse di kileng tsa dirisiwa, mme di tlaa shafadiwa pele ga di neelwa sekole seo. Mongwe wa bagwebi ba ba itshetsang ka go phutha matlakala, Rre Edward Serobi a re go tlhagoga ga molelo go mo amile thata ka jaana a sale a tsene ka nako ya lesome le motso, mme a kgonne go tsena mo lehuting morago ga nako ya boraro mo tshokologong ka jaana lehuti le ne le tswetswe ka nakwana. Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo, molomaganya ditiro tsa lephata la banana, metshameko le ngwao mo Kgalagadi, Mme Malebogo Mosala o ne a tlhlaosa fa dikgaisano tseo di diragala ngwaga le ngwaga . O supile fa go dira jalo e le tshenyetso setshaba ka a re puso e dirisa didikadike tsa madi go gatisa pampiri e. Pula eo ya matlakadibe e rutlolotse matlo, ya diga ditlhare ya ba ya tlogela digalase tsa dikoloi di thubegile. Mme yoo o ne a tlhalosetsa ba sepodisi fa rre yoo a ne a supa fa a sa itumedisiwe ke kgaogano ya bone mme e bile a kopa wa mme go busa pelo gore ba kgone go tswelela ka lerato la bone. Rre Mereyabone o ne a leboga badiri ba makgotla a setswana mo Tsabong le Maubelo morafe le setshaba ka kakaretso ka tshwaragano le tirisano mmogo a ba a ba kopa go tswelela ba dira jalo lemo nakong ee tlang. Godisang Sowa - Morupisi Rre Molefhe gape ere ntswa go builwe ka botlhokwa jwa tonki le gore e bogadi bogaufi, o kopile puso go bua le makalana a kadimiso ya madi gore le bone ba bone botlhokwa jo ka jaana ene erile fa a simolola go rekisa nama ya tonki go ne go sena banka epe kgotsa lekalana lepe la tsa madi tse di mothusitseng ka jaana ba ne ba sa akanye fa tonki e ka nna le mosola. Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye, o kopile morafe wa gagwe go ipaakanyetsa meletlo ya boipuso jwa monongwaga le go amogela molelo wa kgolagano o o tlaa gorogang mo motsing wa bone kgwedi ya Seetebosigo e le masome a mabedi le boferabobedi. A re batho bao gape ba fiwa dithuso tsa tshidilo maikutlo, a supa fa thuso ya bonno jwa nakwana yone e bonwa kwa lekalaneng la mokgatlho wa bone le le kwa Gaborone. Mme Lekolori a re se sengwe se se mo thusang gore theko ya kgwebo ya gagwe e elele jaaka motswedi wa metsi a a monate ke gore o tsoga makuku a matona go kgotsofatsa bareki ba dibete tsa bone di batlang diyamaleng go sale maphakela le ise le tlhabe. A re ntswa borre ba tlwaelesegile ka kgokgontsho, bomme bangwe le bone ba kgokgontsha borre bogolo jang ka dipuo tse di gogomosang maikutlo. Police college e a aba Rre Tese o kgadile a sa kgwe mathe, batsadi ba a reng ba bua barutabana leswe, ka a re puo nngwe le nngwe e bana ba e utlwang, ba a e dumela mme ba e tseele le mo dithutong tsa bone. E re dikgang di eme jalo, Tautona o ne a supa fa mo dikgweding tse di tlang, puso e tla dira ditshekatsheko ka mananeo a a lebaganeng le ba-na-le-bogole gore le bone ba kgone go thusiwa ka mananeo a a ba lebaganeng. Rre Seretse a re go tsile go nna le dithuto puisano tsa ba na le seabe e le tsela ya gore lephata la gagwe le atlege mo twantshong bogodu ja leruo. A re se gape se tla dira gore matshelo a bone a salele kwa morago ka jaana ba tla tlhoka kitso ya gore ba ka a tokafatsa jang. O boletse fa puso e atolotse letsogo ka go fa banana sebaka sa go inaakanya le tsa bodiragatsi jaaka meopelo le poko ba bo ba atswiwa. Fa a bodeiwa gore ke eng se se okelang bareki kwa kgwebong ya gagwe, o tlhalositse gore o ntsha ga tshwene fa a apaya, a re o tswakanya dijo ka mokgwa o o tlaa natefelelang bareki mme ebile ba ka seke ba lebale monate wa teng. A re mongwe le mongwe o tshwanetse go bereka ka mashetla le go bona gore tiro ya puso e nna le maduo a a eletsegang. Lephata le tlodisa setlhopha melatswana O boletse fa bontsi jwa borukutlhi bo dirwa thata ke ba lotso lwa Zimbabwe, mme ka jalo a kopa morafe ka kakaretso gore pele ga go thapa badiri mo malwapeng, mhiri o tshwanetse go netefatsa le go tlhomamisa gore ga a thape dirukutlhi tse di ka tsogang di mo amogile dithoto mme ba tsene ka lenga la seloko. Rre Nkunda o tlhalositse fa monongwaga go sena go nna le dipampitshana (coupons) tse di tsewang ke dikhamphani tsa Batswana go phakisa balemi dipeo. Kgotla ya Tati Siding e ne e penologa mo bosheng fa morafe wa koo one o tsile go lebogela pula. A re metse ya Diloro, Kgagodi le Mogapinyana e akotse dithuso tsa African Development Fund. Rre Elias a re go supagetse fa mashi a lebele a le botlhokwa thata mo kgodisong ya ngwana. Ba lekalana la dikgotla tsa Setswana go tswa Serowe ka fa tlase ga lephata la puso selegae, ba emetswe ke mothusa kgosi wa ga Mmangwato, Kgosi Serogola Seretse ba ne ba kopane kwa Lesenepole bosheng go ya go kopa leina la yo o ka nnang kgosi, go imolola kgosi wa Maunatlala, Kgosi Phoophoo Mapena yo o ntseng a tlhokometse motse oo. A re dikgwebo tse di potlana di supile fa di di goga ko pele mo dikgwebong ka bontsi bo inaakantse le tsone, ka jalo Batswana ba tshwanetse go di tsaya ka tlhwaafalo. E rile a lemoga fa dithupana tse tsa morogo di ka mo tswa mosola e bile di ka fokotsa theko ya nama mo lapeng, mme Leburu a simolola go segelela, go anega le go ipolokela dithupana tsa morogo ka 2016. Ba ne ba agela bana ba sekole sa bananyana loobo, ba jala ditlhare mo sekoleng seo le go se ntlafatsa ka go penta fa bana ba tshamekelang teng. Rre Kabisa a re nako dingwe ba bitsa ba lephata la diphologolo gore ba tle go di koba. O tsweletse ka gore le bone ba nne mo seemong sa gore ba itse gore mmino o ga se wa bone ka ba o kopile kwa merafeng e mengwe. O boletse fa mogopolo o ka bereka ka jaana batla nna le nako e ntsi ya go bua ka dikgang tsa kgaolo a tlatsa kwa gore kwa dikahnseleng tse dingwe jaaka ya legare o a ba berekela. A re Barclays ke nngwe ya makalana a a buseditseng go le gontsi mo setshabeng ka ditsela tsotlhe tse ba ka di kgonang, a supa fa ba sa itebaganye le go aba fela. O tlhalosiste gore ka nako ya fa matlhophelo a bulwa, Rre Kaodimba ke mongwe wa ba ba neng ba fodile mola wa go tlhopha mme e le mongwe wa ba ba neng ba tsile morago ga gagwe. Rre Chose o ne a bolela fa ba ne ba tsaya tshwetso ya go mothankgola mo setilong ka ba ka seke ba etelelwe pele ke mokoko, gape e le bone ba ba palo ntsi mo khanseleng. Fa a amogela baeng, Kgosi Segale Letshele wa kgotla ya Peleng, o akgoletse morafe go tsena phuthego ka bontsi gore ba itseele tse di molemo go tswa mo maphateng. O tsweletse a kopa dithuso mo setshabeng ka kakaretso le kemo nokeng gore mo motseng ba nne le baithaopi ba popota. Kgosi Moeti Monyemana yo o e leng leloko la Ntlo ya Dikgosi go tswa Kgalagadi Bokone o rotloeditse dikgosi le magosana go tsenya letsogo mo dithutong tsa bana. O tsweletse ka go kgothatsa batsadi gore ba rute bana gore pina e, e tlhokana le tshisibalo fa e opelwa, e bile go se motho ope yo o sutang. Dr Tombale o tlhalositse fa seabe sa matlhabelo a BMC mo go lwantsheng bogodu jwa leruo e le go rotloetsa moono wa puso ka go netefatsa gore kgomo e e tsenang ka matlhabelo ke e e tlhomamisegang e bile e sena selabe sepe. E ne e rile pele Kgosi Dereck Xlau wa Qabo a batla tlhaloso gore madi a ditlhabololo a bereka jang e bile a tswa morago ga dingwaga tse kae. Fa a bua ka dikgang tsa bojalwa, Mme Matseka o ne a tlhagisa banni gore bogogi ba motse wa Serowe le lefatshe ka kakaretso botshwenngwa ke ka fa go dirisiwang nno tagi phetelela ka teng. E rile a araba Tautona Khama o ne a solofetsa kgosi gore e tla re ka mosupologo ba sekaseke dikgang tsa gagwe mme batla bona gore ba mo thusang jang mo go tsone. Rre Rapson o pakile gore fa temo-thuo e ka tsewa ka tlhoafalo e ka nna le bokgoni go namola Batswana ka kakaretso mo lehumeng le le tseneletseng. O ne a gatelela ka go re tshwaragano fa gare ga batsadi le barutabana ke yone konokono, e bontlha bongwe jwa yone e leng go tsena diphuthego tsa lekgotla la batsadi le barutabana. O supile fa a kile a tsenelela dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona ka ngwaga wa 2015, mme a ne a kgona go tsaya maemo a bobedi mo kgaolong, le fa a ne a sa dira sentle kwa legatong le le kwa pele. Ba supile fa ka thuso ya lenaneo le ba itshimololetse dikgwebo tse ba rurifatsang fa di na le seabe se segolo mo go tswakanyeng itsholelo ya lefatshe leno le go tlhama diphatlha tsa mebereko. O roletse hutshe dikomiti tse di farologaneng tsa motse oo go bo di ba eme nokeng jaaka ba baakanyetsa tiro eo ya mokatakata, a akgola segolo bogolo badirelapuso ba ba direlang mo motseng wa bone go bo ba sa ikgogone mo go baakanyetseng tiro eo. Rre Senai o tlhalositse jalo a lekodisa setshaba ka maiteko a a dirwang ke ba koporase ya metsi ka metswedi ya dikgang mo tshokologong ya Moranang a tlhola lesome le borataro gore puso e tsere tshwetso ya gore ba ba neng ba kgaoletswe metsi ka mabaka a gore ba a kolota ba gokelelwe gore ba seka ba tlhoka metsi mo nakong e e thata ya go laola kanamo ya mogare wa corona. Rre Tsela a re tsotlhe tse di neng di rulagantswe gore di tlaa diragala mo moletlong oo, di ne tsa tsamaya ka thelelo. Palo e e kwa tlase e ama dikgwebo Mooki mogolo kwa kokelwana eo, Mme Keitumetse Motsholapheko, o ne a gwetlha batsadi go tsaya tsia dithuto ka tsa botsogo. Mme Mogomotsi o tsweletse a re barongwa ba ya go nna le dikarata tse ba tshwanetseng go itshupa ka tsone go fokotsa dingongorego tsa setshaba le go ka ba farologanya le batho bangwe ba ba ipitsang barongwa mme e se bone. Kgwebo ya thuo ya dinotshi e tlhalosiwa e le nngwe ya dikgwebo tse di ka thusang go tlhabolola matshelo a batho. Mme Oratile o tlhalositse fa bontsi jwa balemi ba tsaya metsi mo Bobonong go ya go nosa leruo. Sekole sa Diloro se na le baithuti ba le lekgolo, masome a matlhano le borobabongwe. Tona Batshu a re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a nne le seabe mo go diragatseng se se umakiwang mo pineng ya setshaba, a re pina eo, ke sone sekano sa lefatshe ka jalo ba seka ba e tsaya lolea. Kgosi Thwane o ne a rotloetsa bana gore le bone ba ithute thata kwa dikoleng gore ba ipetlele bokamoso jo bo lolameng. Morago ga ditlhatlhobo tsa malwetsi a a farologaneng banni ba ne ba intsha bodutu ka motshameko wa kgwele ya dinao go tswa mo ditlhopheng tsa dipolase ka go farologana le ka mmino. Fa a nankolela batsayakarolo ba moletlo ka maikaelelo a letsatsi leo, moeteledipele wa dikokelo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Mavis Motshelanoka o ne a re ke go tla go tsibosa setshaba ka dikgang tsa bolwetse jwa kgotlholo e tona le go abelana megopolo ka fa bo ka kganelwang ka teng. A re ka ditlamelo tsa boipelego, ba tlaa bo ba thusiwa ke ba Mokubilo, fa ditsela tsone ba tlaa di dira ka lenaneo la Ipelegeng. Mme Kgosiesele a re ngwao e ruta motho boitshwaro jo bontle le maitseo, ka jalo go ka ba thusa gore bana ba nne le maitseo le gore ba gole sentle ba itsetsepetse ka setso sa bone O buile jalo kwa letsatsing la ngwao le le neng le tshwerwe kwa sekoleng se sebotlana sa Serorome kwa Palapye go ruta bana ka ngwao. Ga go motlhofo mo malatsing a gompeino gore motho o ka bona mmereko ka jaana letlhoko le ile magoletsa mme se se ama segolobogolo banana. A re e re le ntswa letsholo la KgomoKhumo le fokoditse bogodu jwa leruo, ba santse ba tshwenngwa ke dikgang tsa banana ba ba utswang leruo. Ke ka moo Lekolori e leng mmamoratwa wa bareki ba ba fetang ba reka mopako ba palama dibase tsa nako ya borataro tse di yang motse-mogolo Gaborone. E rile go wetseng dithuto tsa gagwe, monana Luka Rapson a leka go batla tiro mme a itaya sefololetse. Ba re go botlhokwa go batla lebala gaufi jaaka la Police College kana la Old Lobatse Stadium le gone go dira komiti ya balatedi gammogo le batho ba ba tla a laolang tlhakatlhakano e e ka lekang go tsoga ka nako ya metshameko. Fa ba tswa la bone makhanselara ba ne ba supa fa kitsiso e e tsile thari mo go bone, mme ba supa fa ba ngongoregela go utlwa gotwe go tlaa dirisiwa nomore ya setsha go ikwadisetsa ditlhopho, mme batho ba le ba ntsi ba sa kwadisa ditsha tsa bone. A re ke gone a neng a tlhalosediwa fa bontlha bongwe bo direlwa, ka jalo a tshephisa fa ba tsibogetse seemo seo. Mme Nthabi o boletse fa go le botoka go thibela kgokgontsho go nale go aramela ditlamorago tsa yone ka jalo o gwetlhile sechaba go tsaya maikarabelo a a feletseng go lwantsha kgokgontsho. Rre Kwape o kaile fa baithuti ba bangwe ba tlogela sekole fela go sena mabaka gape bogodu bo ile magoletsa jo bo dirwang ke bone baithuti. Fa a bua morago ga mogwanto wa go tsibosa setshaba ka dikotsi tsa tsela kwa Lobatse bosheng, Rre Mashiqa o boletse fa dipatlisiso di supa fa bontsi jwa dikotsi di bakwa ke dilo tse di ka laolwang jaaka go tabogisa koloi ka lebelo le le feteletseng, go kgweetsa motho a itshietse nnotagi le go tlhoka go obamela matshwao a tsela. Ba tlhalositse gape fa mo dinakong tsa bogologolo setlatla se ne se dirisiwa e le setswalo sa matlo mme e bile gape go ne go sena motho yo o ka se bulang fa go tswetswe ka sone. A re balemi b atshwanetse go itirela dikomiti gore ere ba ntsha matshwenyego a kgone go reediwa botoka ka ba tlaaba ba na le batho ba ba ka ba isetsang dikgang ko go ba aba tshwanetseng. Rre Kolojane a re go anama ga setlhare se go ka tsisa mathata mo kgaolong ka sena le borai jwa go kodumetsa metsi kafa tlase ga lefatshe fa se medileng teng mme se bake gore didiba tse di mo tikolong di kgale. Kgosi Balebetse o ne a rotloetsa banni go tsaya mananeo a puso ka tlhoafalo ka go supafala fa a ntsha maduo. Ka jalo Dr Venson- Moitoi o ne a dumela fa e le nnete bana ba na le ditshwanelo, mme a tlhalosa fa ditshwanelo tse ba nang le tsone, di sa direlelwa gore ba itaolele batsadi ba seka ba kgalengwa. O tlhalositse gore se se mo file sebaka sa go ithuta go tlamela kgwebo, ga mmogo le go e tsamaisa ka fa tshwanelong. Rre Kaboeamodimo a re go agela batlhoki matlo go tsisa phetogo e tona mo matshelong a bone, ka jaana bonno bo o fa motho seriti. O ne a tswelela ka go akgola lenaneo la Tirelo Sechaba a tlhalosa fa le thusa banana mo go ikgapheng mo dilong tse di sa nnang sentle jaaka bogodu le tse dingwe. Ba ne ba ngongorega le ka bodiredi jo bo tlhaelang ka bo ba paledisa go dira tiroya bone ka bonokopila mo balwetse ba felelang basa itumelela thuso ya bone. Bangwe ba makhanselara ba ne ba kopa gore go fefogelwe kgang eo gore ba kgone go akola ditirelo ka ponyo ya leitlho. Bogodu jwa leruo ga bo robatse ba Tswapong Borwa Assistant Superintendent Hulela a re mme yoo o boletse fa ene le rre yoo ba ne ba kopane kwa maitisong bosigo. A re ba santse ba buisanya le ba lekalana la metsi ba Water Utilities Corporation ka dituelo. Mowa wa boipelegolego, go dira ka natla ntle le go neela tshwene marapo le go sa lebelela fela mo pusong fa go ka tseelwa kwa godimo go ka isa Batswana pele le go ba namola mo lehumeng la nta ya tlhogo. A re dikgotlana ka go farologana di tshwanelwa ke go tla di dirile bojalwa jwa setso, mme a kopa morafe go tla ka tsotlhe tse di tla a tlhokegang ka letsatsi leo, a tlhalosa fa e tla a bo e se letsatsi la ga ope mme ele la morafe wa Letlhakeng ka kakaretso. Modulasetilo yo o neng a tsamaya Rre Bothwell Manjeya o ne a lebogela tirisano mmogo ya barutabana le batsadi le bone ka seo se ne se ba kgontsha go dira tiro ya bone ka matsetseleko le gone go tswa ka ditharabololo tsa dikgwetlho tse ba neng ba lebagane le tsone mo lobakeng lwa bone. Maloko a ne a tlhalosediwa gore ba ka duela P45, mme ba fitlhwa ka P25 000, kana ba oketse dituelo tsa kgwedi le kgwedi go bolokwa ka P60 000. Mopalamente o tlhalositse fa palamente e tsweletse le go baakanya melao mengwe ka maikaelelo a go tokafatsa seemo sa tsamaiso ya lefatshe mongwe e le wa go lwantsha bogudu jotlhe. Bagodi ba rotloediwa go tlhagafalela botsogo Nna ke godiseditswe mo lwapeng la botsadi jo bo neng bo tumile mo mererong ya tsa temo-thuo, ka jalo ke ne ka bona go le maleba go nna tsala e e gaufi le ntate gore a ntlhatlhelele maele le botsipa jo bo tseneletseng jwa go lema merogo, ga tlhalosa jalo Rre Luka. Go sale foo, go jwala lmowa wa go boloka madi ga badirelapuso, mmuso o simolodisitse lekgotla la go ipolokela madi ka mokgwa wa dikoporase le le kwadisitsweng ka Moranang ngogola. O supile fa kgwebo ya gagwe e ne ya itshetlela ya bo ya dira sentle fela thata ka a ne a simololwa go abelwa di tender tsa go rokela dikole paka ke khansele ya ba ba ba thusiwang ke puso,mme a supa fa mo nakong eno kgwebo e tsweletse ka go supa kgolo. Fa a ba kgwa dikgaba mopalamente Rre Shaw Kgathi yo o bileng a le tona wa banana, metshameko le ngwao a re lephata la gagwe le tla tswelela ka go tokafatsa matshelo a banana. Thotloetso pinagare ya kgwebo Se se ka dira gore batho ba kgone go bona diphologolo tse di borai di santse di le kgakala, ga tlhalosa Rre Kabisa. Se ga se a ka sa mo kgoba marapo mme a lemoga gore kgwebo ya gagwe e mo fa sebaka sa go ithuta letsatsi le le letsatsi, ke ka moo a kgonneng go tokafatsa boleng jwa dilwana tsa gagwe ka go berekela mo go ithuteng mo diphosong tsa gagwe. A re molao o o tla a dirisiwa kwa Kanye le Moshupa ka ke yone e e supileng fa leruo le le sa tlhokomelweng le ba tshwenya. A re ba ne ba simolotse ba apeela ko malwapeng a bone, ba rekisa mo thoko ga tsela ba rekisetsa gape le babereki ba Ipelegeng. O ne a ba rotloetsa go fetola matshelo a bone, go tshelela mo Moreneng, a kaya fa e le ene fela a ka ba fang lesedi mo matshelong a bone. Rre Ntswetswe a re ke sone se go kopiwang dikerekeng ka go farologana go simolodisa merapelo mme go solofetswe gore e tswelele go fitlha malatsi a le masome mabedi le bongwe. O boletse fa go setse go lemilwe ditema di ka nna 5 000, tse e leng gore di kwa tlase fa go tshwantshanngwa le dingwaga tse di fetileng. Rre Ntshwabi yo e leng sealogane sa dithuto tsa tsamaiso ya bojanala go tswa sekoleng se segolo sa Limkokwing University, a re dipodi tsa gagwe o di rekisa di santse di le maroba ka makgolo a boferabobedi podi e le nngwe. O tlhaloseditse banni gore mo dingwageng se tharo tse di fetileng, go bonala fa madi a ditlhabololo tsa dikgaolo a ne a sa dirisiwe sentle, a tlatsa ka go re dingwe di ne di sa dirwe ka lebaka la tlhaelo ya bodiredi. Moletlo wa Domboshaba o supa kgatelopele E rile go le pele fa Kgosi Segale Linchwe a amogela tautona a supa fa gona le dikgotlana di le tlhano tse di tseetsweng dithata tsa go sekisa (warrant) mme ka jalo ba sokola e bile gape dikgosana tseo dine tsa kgaolelwa madi. Rre Autlwetse o tlhalositse gape gore kgang e santse e tlaa tsena, ka jalo ga go a tshwanela gore go lebege e kete ope o molato, bogolo jang yo o neng a atlhotswe gore a name a seegetswe fa thoko mo tirong. Kgosi o akgola lekgotla la kabo ditsha Banni mo diphuthegong ka go farologana ba kopile puso go gagamatsa molao, ba bolela fa babelaelwa ba sa tshwanela go letlelelwa go emela tsheko kwa ntle, fa bangwe bone ba boletse gore ba ba bonwang molato ba atlholelwe botshelo jotlhe mo kgolegelong. Mogwebi yo, o tlhalositse fa kgwebo e e tsweletse sentle, ka e mo thusa go bona letseno le ka lone a le dirisang go tlamela ba lwapa la gagwe mme e bile a paka fa e fetotse botshelo jwa gagwe go menagane. Rre Phala o tsweletse ka go kopa barui botlhe ba ba nang le leruo le ba sa le itseng go begela ba ofisi ya gagwe kgotsa ba bogosi gore le tle le kgone go batlisiwa beng ba lone go na le go didimala fela. Bobirwa o humile matlotlo a tlholego le bojanala Banana bangwe ba ne ba ikabela batsadi ba ba sa kgoneng go thusa bana kwa malwapeng. A re go botlhokwa gore baikopedi ba buse madi a gore maikaelelo a lenaneo a atlege, gape bangwe Batswana ba ba nang le keletso ya lenaneo ba kgone go bona dithuso. Mme Morotsi a re seo se tlaa thusa gore go lemogiwe lefatshe le le sa abiwang gore le tle le baakanyetswe go abiwa. O supegeditse bana matlapa mangwe a a boletseng fa ba sekaseka dingwe tsa ditso tsa tlholego ya one kwa Maleshe. Masukwane,Pole ba kopa tekodiso ka tsela, metsi O kaile fa se, se ama dithuto tsa bana fela thata. Rre Lebati a re kereke eo e simolotswe kwa Afrika Borwa ka 1940 mme ya bulwa semmuso ka 1966 mo Botswana. O bile a rotloetsa komiti ya ditlhabololo tsa motse gore e dirise madi a yone go dira tse dingwe tse ditshesanyane, a tlhalosa gore tiro ya madi ao ke go dira ditlhabololo tsa motse. Monna o sekela go dira matshosetsi Rre Jotia o tlhalositse fa botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga morago ga gore a ikagele ntlo ya kamore tse pedi tsa borobalo, ya boitapoloso ga mmogo le ya boiteketso e e botoka ka tsone dithuso tsa lenaneo le. Mme Ngwako o boletse fa ba sale ba simolola tiro e ya bone ka ngwaga wa 1993, mme ba sela majwe a kwa masimong a Keisane le go ralala naga ya kgaolo ya Bobirwa. Mopalamente Ntlhaile o ne a tlhalosa fa a tlaa fetisetsa dilelo tsa bone kwa pusong. Go sale jalo, mothusa modulasetilo wa komiti ya balemi-barui ya Mogapinyana Rre Molamu Magosi o ne a tswelela a tlhalosa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone le bone. Kgosi a re batho ba Palapye ba tshwanetse go dira ditiro tsa ngwao jaaka go nna le letsatsi la go bolotsa letsema, dikgafela le letsatsi la go ipelela ngwao mo motseng gore ba nne le seriti gore ke Batswana tota ka go amogana dingwao ka mefuta ka Palapye e le makgatlhanela thapong. O ne a botsa gape gore a BMC e a tshela kana e a lwala le gone gore a e tsile mo seemong sa go rekiswa ka e farafarilwe ke mathata. Maikaelelo a letsatsi le e ne e le go fa bagwebi ba ba botlana sebaka sa go supa dithoto tsa bone le gone go tsaya dikgakololo tsa gore ba ka godisa kgwebo ya bone jang. E re le ntswa Kgosi Phologo a buseditswe mo setilong, mothusa tona o tlhalositse gore kgang ga se gore e fedile, e a tswelelela mme ba tlaa tswelela ba rerisa morafe ka tota molao-motheo wa Botswana o ikaegile mo therisanyong, kagiso le tlotlano. Bomme ba ba rotloetsa botlhe go iteka, go itsosa le go itirela ka natla go tokafatsa seemo sa matshelo a bone. Batswana ba rata dinkgwana tsa me fela thata se se dirwa ke gore kgwebo ya teng ga e ntsi ka kwano ka ebile di supa boleng jwa ngwao ya rona, a tlhalosa. O kopile batsadi go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana, ka di ba fa sebaka sa go ntsha megopolo e e ka thusang go tlhabolola thuto ya bana le gone go ba thusa go rotloetsa botsalano fa gare ga bone le barutabana. Mme Khubu a re o rekisa fela mo bathong mme keletso ke go tswela kwa ntle go oketsa thekiso jaaka kwa mabentleleng. Tona o ntsha taelo ya tlhopho ya bokhanselara Badiri kwa Tutume ba kopiwa go ntsha maduo A re e re ntswa malatsi a ba tokafaleditswe tiro ke kgotla tshekelo ya ga mmakaseterata, dinako tse dingwe ga go eme sentle lekgotla la Setswana ka gore fa ba sena go ntsha dikatlholo, basekisiwa ba fetela kwa pele ba batla diagente gore di ba thuse ditsheko, mme se se felela se latlhisa lekgotla la Setswana boleng. O mo rotloeditse go ikgolaganya le morafe gore a seka a busa a le nosi kwa bothokong, a mo kgothatsa go ikanya Modimo, gore a tle a mo fe botlhale jaaka Kgosi Solomon. Ba ne gape ba re letlhoko la koloi ya kokelwana le go tlhaela ga baoki le gone ke mathata. O kaile fa go sena tshireletsego mo motseng wa bone ka go sena mapodise. O boletse fa lephata la temo-thuo le dirisitse madi a a fetang P7 million mo mananeong a temo-thuo mme go sena dipoelo dipe tse di bonalang. O ne gape a bolelela Makhanselara gore ba lephata la madi ba gakolola gore dikhansele di feleletse ditiro tse di kwa morago pele ga ngwaga wa madi o wela. O rotloeditse banni ba kgaolo ya Boteti go emisa go tshubamatlakala mo go senang boikarabelo le kelelelo,go dirisa sekgwa jaaka matlo aboitiketso,go baya matlakala fa thoko ga tsela le go latlhela metseto momebileng,merakeng le mo masimong,a re tse tsotlhe di tshwanetse go nyelediwa kadi kgotlelela tikologo. A re emeng ka dinao go tlhabolola tshingwana e, ka gore e kare tlodisa dinoka di tletse. A re komiti ya ditlhabololo le morafe ka kakaretso ba tswe ka maele a ka thusang puso go dira ditiro, ba dira ka mowa wa boipelego go tlhabolola motse. E re dikgang di eme jalo Rre Moatlhaping o ne auspa gape gore batsadi ga bana thuse bana ka tiro ya sekolo ko lwapeng (homework) mme seo se ngomola pelo le go feta. E re ka kgotla ya gagwe e bapile le marekisetso, o tlhalositse fa banni ba kgotla ya gagwe ba tshwenngwa ke dirukutlhi tse di ba emelang mo mekgwatheng bosigo ba ba amoga dithoto ka go bo go sena dipone tsa mekgwatha mme dilalome tseo di iphitlhe mo lefifing. Mme Oats o kaile fa leina la Bopaganang le ne le raya gore merafe ya metse eo e tswaragane le gone go utlwana gore ditlhabololo di kgone go nna teng . Kgosi Monyemana o supile fa dikgosi e le tsone tse di okametseng metse mme e bile ba okametse diphuthego tsa motse a re se se ba fa sebaka sa go kopana le setshaba, a kopa dikgosi go dirisa sebaka se go rotloetsa batsadi go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana le gone go thusa bana ka tiro ya bone ya sekole. Ditlhopha tsa mmino wa Setswana di ka ntsha banana mo mekgwatlheng le go tokafatsa maitsholo a bone. A re mo merapelong e, mongwe le mongwe o tshwanetse a nna le seabe go kopa Modimo go fodisa bolwetse jo. Batswana ba rotloeditswe go kwadisa ditsha ka jaana kwadiso e e tsweletseng e ya bokhutlong kgwedi eno e ya fifing. A re mo nakong ya gompieno e eteletswe pele ke Bishop Mackson Jeje yo o ntseng le seabe se segolo mo go e tlhameng. Takatokwane o tsosolosa serodumo sa boipuso A re magae,masimo,meraka,dipolase,madirelo,dimeladiphologolo,metsi le sengwe le sengwe se se mo tikologong se tshwanetswe gobabalelwa gore dikokomane tse di tlang di di fitlhele di le mo seemong se sekgatlhisang. Ba re leina la Boiteko le ba rotloetsa go ikemela ka dinao ka mogologolo a rile ‘maano a botshelo ga a site go sita a leso’. Fa a ema bana ka lefoko, Mme Kutlase a re thuso e ba e neelwang ke lekgotla e supa fa ba ratwa, ka jalo ba ikgaphe mo ditirong tsa go tlhoka tsebe tse di ka tsogang di sentse isago ya bone. Lenaneo le, le tswa kgakala le thusa Batswana ka bonno, maikalelo magolo e le go ba fa seriti gore le bone ba ikutlwe e le Batswana ba ba feletseng ka go nna le se sa bone. Badiri ba gakololwa go dira ka natla Go nna le seabe ga dikompone le batho bangwe ga se go ikgantsha ke go supa lorato le bopelotlhomogi. Ka jalo o ne a kopa ba ba amilweng ke seemo se go kopa thuso go sidilwa maikutlo. Tautona o lekola Batswana kwa eSwatini Rre Shandulo Maphorisa, go tswa kwa lephateng la thuto a direla kwa Serowe, o ne a lebogela dikago tseo, a bolela fa ba tlaa fa pego e bagolwane ba sa bolong go e batla ya gore dikago tseo di fedile. A re morago ga go tlogela tiro o ne a dira ditshekatsheko kwa Ntlhantlhe ka kgwebo ya borotho, mme a lemoga fa e ka mo tlodisa dinokana ditletse. O ne a tlhomamisa fa mo mokgatlhong wa bone, madi a ba ba ipolokelang a sireletsegile ka a bewa kwa bankeng mme e bile go tshwarwa dibuka ka matsetseleko go itsa go nyelela ga madi pele a ka ya go bolokiwa. E ne ya re fa ba utlwa mokgosi wa Sherwood Market Day ba rwala ditlhako ba ya teng go leka go supa bontle jo ba bo dirang. A re ka jalo go maleba gore lephata la metsi le tle ka ditsela tse di maleba go thusa go hema seemo sa tlhaelo ya metsi mo motseng wa gagwe. Kgosi a re go lebega matlo ao a sa ntse a tla oketsega ka batho ba matlo a mangwe ba seyo go tla go kwadisa kwa kgotleng, mme a kopa batho ba ba amegileng go ikopanya le ba bogosi go tla go ikwadisa ka bofefo. O ne a tswelela a re dinako tse dingwe dinkgwana di kgona go gana go wela mo tebegong go ka rekisiwa mme se, se busetse kgwebo kwa morago. Tona Masisi o buile jalo bosheng, fa badiri ba ofisi ya ga Tautona ba ne ba ile go direla setshaba kwa Mogobane. Ba re Tautona o laela setshaba e seng bodirelapuso. O ne a tswelela a gatelela gore balemi ba tle go fa pego ya thobo ya bone le fa ba sa roba sepe tota ka jaana se se thusa ofisi go isa dipego tsa gore balemi ba thusitswe jang. A re e ne e re ka nako tsa dipula ba bo ba tshabela ka fa tlhase ga setlhare ka ntlo ya bone e ne e se na borulelo jo bo itsetsepetseng, ka jalo ba tshaba go welwa le ditena. Mme Sullivan o rotloeditse baithuti go ikanya thuto ka ke boswa jo bo ka se keng jwa tsewa ke ope mo go bone. Balemi ba Mookane mo kgaolong ya Legare ba rotloeditswe go tswa ka ditselana tse masimo a ka dirisiwang ka teng go dira dipoelo. E rile a bua kwa kabo semmusong ya matlo a ga Rre Mokgethi Moswang le Mme Difedi Lentswenyane kwa Mmankgodi bosheng, mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Olebile Gaborone a tlhalosa fa go abela batlhoki go gwetlhiwa ke mowa wa lerato o makgotla oo mabedi a o supileng mo batlhoking ba. Merwalela e, e go belaelwang e ka simologa mo dibekeng tse di tlang go bolelwa fa e ka ama matshelo a setshaba se se nnang mo dikgaolong tse. Setlhopha sa Balekane Ba Botswana se abetse kokelo ya Selebi Phikwe disupa ditshwantsho (television) tse pedi tse di lopileng P7100 ka letsatsi la ipelelo boipuso. Bobedi joo, ke dikgosana tsa tetlanyo, Rre Senwedi o tswa kwa Moremi fa Rre Kebuamotse e le wa Lesenepole. A re ka dinako tsotlhe fa dikolo di bulwa, bana bao ba a tsewa ka dikoloi tsa puso mo mafelong a bone go isiwa kwa sekolong, mme e re di tswalwa ba busetswe gape kwa mafelong a bone.Kgosi Mosweu a re ka one malatsi a sekolo fa ba le ko Maposa ba nna le motlhokomedi, ba fiwa boroko, dijo le ditlamelo tse dingwe tsa botlhokwa. E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Sam Jorowe wa Mulambakwena a gwetlha morafe wa gagwe go tlhokomela leruo la bone, go itsa gore le lale le saila mo nageng mme phelelong le senyetse bao ba ba beileng ditema kwa masimong a bone. O ne a kgothatsa batabogi gore fa ba ka tsaya mabelo le metshameko ka tlhwoafalo, di ka dira gore ba nne le se ba itshetsang ka sone mo isagong, a tlatsa ka go re botswerere ke mpho e e botlhokwa mme e tshwanetse go somarelwa. Le fa go ntse jalo, a re go nna teng ga ga Kgosi a sena mapodisi, bakwaledi le diofisi tsa morafe, go santse go tlaa kgoreletsa morafe go akola thulaganyo eo. Fa a bua kwa thuto-puisanong e e neng e diretswe balemi-barui ba Moshupa Borwa ka Labobedi, Rre Nkunda o boletse fa puso e bone go le botoka go emisa dithuso dingwe ka balemi bangwe ba sa di dirise sentle. A re borre ba seka ba tlhajwa ke ditlhong go kopa dithuso tsa tshidilo maikutlo ka go dira jalo go ka ba thusa go hema go tsaya ditshwetso tse di sa siamang. Kgokgontsho ke matlhotlhapelo Dikgang tse di tshwenyang tsa go bolawa ga bomme di gwetlhile Rre Mmereki Kgosiyabone go ralala Botswana a rera efangedi go rotloetsa borre go tsalwa sesha le go sireletsa bomme. A re o lemogile gore lephata le tlhaelelwa ke bodiredi ka ba bereka thata ka bana ba internship a tlhalosa fa go kopilwe diphatlha kwa lephateng la khiro la DPSM, tse di tlaa arabang seemo sa tlhaelo ya badiri le ya go tlhatlosiwa maemo. A re dipalo tse di tlhotlheletsa dikeletso tsa puso tsa go rotloetsa batho go nyalana ka fa molaong ka maikaelelo a go bopa malwapa. A re, o itemogetse fa go le gantsi balemi ba tlhwaafalela go lema le go reka didirisiwa tsa temo fa ba sena go tlogela tiro. Le fa gone a sa tlhomamise sentle gore borre ba sepodisi ba boleletswe ke mang gore ke setswerere sa puo ya Sesarwa e bile o ka kgona go thusa go ranolela ba ba sa itseng Setswana, Mme Alone a re o belaela gore ba lomilwe tsebe ke mongwe wa ba a obamang le bone kwa kerekeng ya Jerusalema. Mopalamente Rre Isaac Davids yo o neng a tsile go lekodisa morafe wa Bokaa ka dikgang tsa palamente e e fetileng, o ne a solofetsa banni ba motse oo gore o tlaa kopana le tona wa metsi go bona gore ba ka ba thusa jang. Fa a ama kgokgontsho ya tsa itsholelo, mme Nthabi o boletse fa e le tsela ya kgatelelo e mo go yone mokgokgontshi a iponang e le ene yo o ka tsayang ditshwetso a le nosi mo go tsa madi, a rontsha yo mongwe go nna le sebaka sa go ikokotleletsa kgotsa go itseela ditshwetso ka tsa itsholelo le madi, a thibela motho yo mongwe go itirela ka boene. Se sengwe gape ke tshwaraganelo megopolo e e ka tswang ka maduo a a botoka, jaaka ba dumela mo goreng ngwao ya sekole ke gore bana ba bale thata mo sekoleng le kwa lapeng ba thusiwa ke botsadi. A re balemi ba ba tsayaang dipeo ba bo ba lemelwa ke pusomme ba bo ba sa tlhokomele temo ya bone go tlaa emisiwa gore ba bone dithusotse ka e le tshenyegelo mo pusong. Mme Kavurase-Sedio a re mowa wa kutlwelobotlhoko ke one o ba gwetlhileng go simolodisa mokgatlho o, o ba o biditseng ba re Machaneng Support Group. Ba ntshitse ngongorego e ya bone kwa phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke mopalamente wa bone wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe, kwa mo tseng oo bosheng,ba supa komiti ya VDC ka monwana bare ba hirana kabo bone gammogo le ditsala tsa bone. Kgwebo yame e dira sentle mo nakong ya gompieno ka jaana ke kgonne go hira babereki ba le bararo. Sebui sa tlotla sa letsatsi leo mookamedi wa banka ya Barclys Mme Renettee Van Der Merwe o ne a kaya fa kgotla e le botlhokwa ka e le yone e yone ee go rerisanwang, go buisana mo go yone mo tse di amang mo go tlhabololeng metse ya bone le gone go lere kagiso mo morafeng. Go ne go kwala baithuti ba le lesome le botlhano, ba le lesome le bongwe ba tsaya letshwao la ntlha (Grade A) fa ba le bararo ba bone (Grade B) ba latelwa ke a le mongwe ka (Grade C). O supile fa ba thibeletse foo ka 1960, mme ba fitlhetse go na le sediba sa ga Gentere, yo a neng a ba siela metsi. Ke le rotloetsa le le VDC go tswa ka megopolo e ka nowang moro ke morafe, ga tlhalosa Rre Makgalemele. O ne a kopa puso go tswelela e thusa banana ka lenaneo la YDF gore ba itshimololele dikgwebo ka kgang ya letlhoko la ditiro e tsentse tlhako kgamelong A re ba bona nako ya go ya mabaleng fela maphakela fa ba sena go bolotsa leruo. A re sekole sa gagwe ke sengwe sa tse di lesego, ka ba kgonne go bona dithuso go tswa mo dikomponeng tse ditona le mo bathong ka bongwe ka bongwe, a tlatsa ka go re monongwaga ba kgonne go kwadisa mephato e le meraro ya ditlhopha tsa bananyana ka ba na le matlo a a lekanyeng a borutelo. Banni ba metse ya Thankane le Samane ba kopile puso go ba tswa thuso mabapi le dipolasi tse di dikaganyeditseng metse ya bone ka di e itsa go gola. Mapodise a abetse balwetse O tlhalositse fa a ile a bona thuso ya masang a a khurumetsang dijwalo, didirisiwa tsa temo, dipeo le mathumpho a a thusang go nosetsa ale boroba bobedi, mme a nna le kgwetlho ya metsi le ba lephata la metsi a berekela go duela metsi ka dituelo dine di le kwa godimo mme a felela a kgaotswe. Trust e abela bana ba sekole O supile fa ditlhabololo di ka kgonagala fela fa boeteledipele bo tshwaragane le go ba ema nokeng ba bua ka lentswe le le lengwe. O nankotse ditiro tse Matsosa-ngwao ba di dirang kwa ntlong ya ditso jaaka go ruta batho kapei ya dijo tsa Setswana tse di fitlhelwang mo kgaolong ya Kweneng gammogo le go ruta ka tumelo le setso sa Bakwena jaaka lenyalo le phitlho ya Sekwena. O ne gape a gwetlha diphuthego tse dingwe go tsaya malebela mo kerekeng eo, go tshwaragana ka mowa o le mongwe fela wa go rera lefoko la Modimo ka boammaaruri, go nna sekao ka go diragatsa tse di molemo le gone go supa mowa wa lorato le kutlwelo botlhoko mo go botlhe ba ba tlhokang. A re seo e ne e ntse e le thulaganyo e e neng e dirilwe morago ga go rola lenaneo la go tshwaraganela thuto le ba-na-le seabe mme seo se ne sa emisiwa. A re ga a ise a lopiwe dituelo dipe mo ithutuntshong eo, a re ntswa a ne a tla a na le kitso ka matlalo, o fetile a ithuta go le go ntsi, mme khansele ya nna ya mo tsamaisa tshipidi tonto le gone go mo thusa go bapatsa dithoto tsa gagwe. Mopalamente a re mogopolo o o duleng go leka go hema kanamo ya bolwetse ke gore puso e kgaoganye kgaolo ka bogare go kganelela bolwetse mo ntlheng e le nngwe go na le gore bo phatlalale le kgaolo yotlhe. A re ka lenananeo la lenyetso lehuma o ka kgona go rekelwa didirisiwa tse a di tlhokang ka jaana letlalo le na le mmereko o montsi go le dira gore le nne mo seemong sa go dirisiwa go sega, ka go batla boitseanape le didirisiwa tsa maemo a ntlha. Ka jalo a kopa batsadi go nna bodimatseba go bona gore ba a dirisanya go bona gore mokgwa yoo o a fela ka gore ga se gore ga ba itse batsadi ba go nna jalo. O ne a kopa kemonokeng mo dikomponeng tse di ikemetseng, bagwebi, puso le setshaba ka kakaretso ka seo se ka thusa thata mo o godiseng dikgaisano tseo tsa dipitse gore di nne mo seemong se se kgatlhisang jaaka mabelo a dikgaisano a dipitse a mangwe. A re seo se gwetlha molemi gore a bone gore o kaba diphatlha tseo jang. A re tseo di ne tsa tiisa Batswana moko go lemoga fa ba na le bokgoni jwa go ka tsenya letsogo mo go ageng tshaba e e nang le boikarabelo. A re mopalamente wa kgaoo ya Nata-Gweta Rre Polson Majaga o ne a ba ema nokeng ka go ba abela paka le dibolo tse tharo tse ba di dirisang mme morago ba batle lefelo la ithutuntsho ngwaga o o fetileng. O kgadile gape batsadi ba ba fang bana madi ba ya sekoleng, a kaya se se ka baka gore ngwana a nne dinalanyana le go dira gore nako e go senang madi a bo a gana go ya sekoleng. A re ba kgonne go fa malwapa a le mantsi seriti le go leka go kganela dikgotlhang tse di tlhagogang motlhang mongwe wa bobedi jo bo ntseng bo nna mmogo bo sa nyalana a tlhokafala. Fa ba latlhela la bone baoki le babereki ba ne ba ngongorega ka letlhoko la boroko le tlhaelo e e tseneletseng ya dikoloi tse di pegang balwetse. Dikgwebo tse dipotlana di tlhama ditiro Mogolwane wa ofisi ya dipasa le mesepele, Rre Moitshwaredi Mothomogolo o rurifaditse fa ba tsile go thusa batho ba ba sa bolong go nna mo Botswana mme ba sena diteseletso. Rre Dubani, yo o supileng fa matshwenyego a matona e le leruo la bone le le tlolelang kwa Zimbabwe, o ne a kopa gore bogolo puso e dire kwarantine e go ka tshegediwang leruo teng fa le ne le tloletse ka kwa lefatsheng le le mabapi. O boletse gape fa ba ne ba bereka ka komiti e e tlhotsang, ka bangwe ba ne ba ikgogela morago ba sena go tlhophiwa mme bangwe bone ba ne ba bereka ka go kgotlediwa. O supile gore le ntswa ba baakanyetsa ditiro di le mokawana mo motseng, ga ba na letlole le ba lebileng mo go lone, a bo a kopa dikereke go ba thusa go kokoanyetsa meletlo e madi. Rre Ramolelekwane a re mo puisanong ya bone ba ne ba fana maele a gore, kwa sekoleng sa bone ba simolodisitse lenaneo la thuto le le akaretsang morutabana, motsadi le ngwana le le bidiwang Home Remedial le ka lone boraro joo ba nang le seabe mo thutong. Kereke ya St John Apostolic Faith e supa lerato E rile fa a leboga modulasetilo wa lekgotla la baruti, Moruti Dube Kadibadiba a leboga gore dikereke di ne di tsile ka bontsi mme a ba rotloetsa go dira jalo ka bokopano jwa dikereke jo bo tlaa tshwarwang kgwedi ya Lwetse e le masome a mabedi le botlhano, e ntse e le meletlo ya go ipelela boipuso. O lebogetse dikompone le botlhe ba ba neng ba tshwaragane le bone go rulaganyetsa moletlo oo bosheng, ka jalo a bolela fa tshologelo ya batho e supa fa o tlaa nna le tswelelopele e e nametsang jaaka ba ikaelela go nna ba o tshegetsa ngwaga le ngwaga. Motsewa Mmea o ne wa tsaya maemo a ntlha mo metseng e e mebotlana mme wa ikgapelaP700 fa maemo a ntlha a gapilwe ke Mmatshumo mo metseng e megolwane mme waikgapela P1000 fa maemo a ntlha a ne a tsewa ke Mopipi mo metseng e metona mmewa ikgapela P1200 le ditanka tse di latlhelang matlakala di le tlhano. O simolotse tiro semmuso kgwedi eno e rogwa. Tona Tsogwane o ntshitse kopo e fa buisa babereki ba lephata la gagwe ka Mopitlo a le lesome le boraro kwa Letlhakane. O ne a supa fa e ne ya re ka 2011 puso ya ntsha lenaneo la gore batho kana dikhamphani ba ikabele dikole go di thusa ka matlhoki a tsone. A re go dirilwe molao o mosha o ka one batho ba ba rekisitseng ditsha tsa bone ba tlaa seke ba fiwe tse dingwe gape. Rre Motlaleselelo o supile gore fa komiti ya ditlhabololo e sa tseye tiro ka tlhwaafalo, ditlamelo dingwe di tlaa salela kwa morago. O ne a tlatsa ka gore ditanka tse neng di dirisiwa di fetilwe ke tiro mme ka jalo di imelwa ke go ka siela morafe wa gagwe metsi. A re ngwao e bopa bokamoso ja bana mo setshabeng. O tsweletse a supa fa e rile ba tshwanetse go ya go simolola mophato wa bone kwa sekoleng se segolwane sa Shakawe ba bolelwa fa se sa fela ka jalo ba isiwa kwa go se segolwane sa Maun. Mme Tshireletso o rile ere ntswa mmuso o ititeile sehuba go atswa dikgosana tsa tetlanyo, o ngongoregisiwa ke dikgosana le dikgosi tse di gogang dinao mo tirong fa bangwe ba bone ba tsena thari kwa tirong ntswa mmuso o tsweletse ka go ba duela ka makgetlho a Batswana kgwedi le kgwedi. Rre Caiphas a re mo kgaolong e a e okametseng, go supa fa borukutlhi jwa banana bo le kwa godimo fela thata, selo se a reng se a tshwenya. Fa a bua mo phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa Moroka ka Labotlhano (Motsheganong 29), Rre Kgathi a re Batswana bangwe ke bone ba neelang batswakwa boroko, kana ba ba hirisetsa matlo ga mmogo le go ba neela ditiro. Rre Molebatsi o ne gape a akgola mohumagadi wa ga tautona, Mme Neo Masisi go bo a tsibogetse dikgang tsa kgokgontsho ya bana, a re se ke sekao sa gore dikgang tse ke tsa Batswana botlhe. Mo go bone Lerato Kebaabetswe o kgonne go tsaya (Grade A) mo dipampiring tsotlhe tse a neng a di kwala di supa. Rre Jotia a re ka lenaneo le, o ne a thuswa ka didirisiwa di akaretsa, ditena, semente, dipolanka, mabati, le tse dingwe ka go farologana, mme gape o ne a thuswa ka go duelelwa moagi. O tshepisitse fa palamente e tlaa itepatepanya le le seemo se. O kopile puso gore go tshelwe sekontere, a supa fa ba tswa kgakala ba kopile mme go se nko e tswang lemina. Mme ka jaana ngwana yo a ne a belegetswe fa mogobeng, bangwe ba nyalana tlhaloso ya leina la motsana o le gore go tewa mogobe; boammaaruri tota ke gore Qabo ke leina la motho, motsana o reeletswe ka ene. Go tla agwa kokelo ko Tutume Le fa go ntse jalo, Rre Diphuhang a re o ne a na le dipelaelo tsa gore Rre Kaodimba o ka nna a boela kwa matlhophelong. A re tseo ke dingwe tsa dikgoreletsi tse ba kopanang le tsone mo kgaolong. Kgetsi ya tsie... Mme Majoko o boletse gore e re ka puso le yone e lebanwe ke kgwetlho e tona ya letlhoko la madi, barutabana gammogo le bagokgo ba tshwanetse go thulanya ditlhogo go bona gore go nna le motlobo wa dibuka mo dikoleng. Kgosi o buile jalo ka letsatsi la segopotso sa mokgatlho wa sefapaano se sehibidu bosheng kwa Good Hope a tlhalosa fa go le botlhokwa gore maloko a mokgatlho a rutwe melao e e lebaneng go tsamaisa mokgatlho, go hema diemo tse o tlaa fitlhelang go tlhamilwe dikomiti mme di sa sale ditsamaiso tse di tsepameng tsa mokgatlho morago. O boletse fa kgokgontsho ya tlhaloganyo le maikutlo e le tsela e ka yone motho a lekang go laola yo mongwe ka go utlwisa maikutlo a gagwe botlhoko. Legale go ne go se motlhofo fa Mme Jane a simolola kgwebo ya gagwe ka a ne a tshwanelwa ke go rwala kgetsi e tona mo tlhogong a tsena ntlo le ntlwana mo mogoteng le motlhaba wa Kgalagadi tse a neng a tshwanela go di ralala letsatsi le letsatsi gore a atlege. gape go itlhatlhobela kankere ya molomo wa popelo. O boletse fa maduo a ngogola a mophato wa boraro a tokafetse thata ka ba kgonne go tsaya matshwao a masome a mararo mo lekgolong fa go sobokwa baithuti ba ba fentseng ka matshwao a a botoka. Mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mane le bongwe wa motse wa Ramotswa o robaditswe kwa kokelong morago ga go rengwa ke mokapelo wa gagwe ka selepe mo tlhogong. Mapodisi a Middlepits ba kgobokantse madi go tswa mo dipateng tsa bone go reka sejana, ba bo ba abela sekolo sa Gakhibane sekete sa dipula. A re lenaneo la Re a nyalana le ka thusa go rarabolola dikgang tsa motlhale oo ke ka moo a rotloetsang setshaba go inaakanya le lone a tlatsa ka gore le lebane mongwe le mongwe yoo dingwaga tse di fa gare le go ya pele ka ele bone batho ba gantsi ba palelwang ke go ithusa. Lenaneo la ditshingwana tsa merogo le tsweletse ka go solegela ba ba le tsereng molemo gammogo le go bona dipoelo mo go lone. A re o ne a ikaeletse go ya go tseela batho ba bangwe matlakala, mme a bolela fa seo se tsile go mmaya ka fa mosing. Mogwanto o, o simolotse Seetebosigo a le 18 mme o tlaa tsaya malatsi a le lesome le botlhano go wetse Phukwi a tlhola ga raro. Erile fa a ba araba, Mme Ngwako o ne a ba tlhalosetsa fa lephata la gagwe le ba ba maleba ba lwantshana le go bona gore ba ka rarabolola jang seemo se ka e se lantlha ba utlwa selelo sa bone.Go ntse go le foo banni ba ne ba gakololwa go itlhatlhobela malwetse a tshwana le kankere le sukiri nako e santse e le teng, ka fa a bonwa a santse a le masha a kgona go alafesega gona le fa a tshwarwa a setse a jweleletse. Mogokgo Kgomotso Kgosiesele a re ngwao ke seikokotlelo sa Batswana, ka jalo ba ne ba bona gore mo sekoleng sa bone ba e tsosolose ka letsatsi la ngwao. Mme Ithapeleng Makhupe le ene o gateletse gore letlhoko la ditiro le ile magoletsa e bile go lebega puso e lebetse batho ba dingwaga tse di fa gare. O ne a tswelela ka go kgothatsa banana go ikgapha mo nnotaging, mme ba sale morago mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone,a bo a lebogela VDC maiteko a bone a go kgarathela go itirela madi a ka one ba ka tlhabolola motse wa bone.a bo kgothatsa ba direla puso go duela matlo a kopa VDC gore ba seka ba ba ntsha mo matlong. O tlhalositse fa dikgato tsa thibelo tshenyo di ne tsa tsewa jaaka go gasagasa pherefere mo go tlaa dirwang kwa Matsiloje, Ditladi le Patayamatebele. O ne gape a gwetlha borre go bua le bana ba basimane ka dikgang tse di ba amang. A re komiti ya ditlhabololo e tshwanetse go itse se motse o se tlhokang mme e bile e tshwanetse go tsaya matshwenyego le dikopo go di isa kwa makalaneng a a lebaganeng. A re fa e le gore ga go na komiti e, a banni ba ikgolaganye le mapodisi ba rutuntshiwe go ikemela ka dinao ba lwantshe borukhutlhi. O ne gape a ba kopa go lema nako e sa ntse e le teng ka ba tlaa roba pele mme ba bona dipoelo tse di botoka ka ditlhwatlhwa di ka nna botoka. A re ba tlaa leka ka bojotlhe go dirisanya le merafe ya bone go kgobokanya madi ka ba ka se kgone go dira tiro e ba le nosi. A re kgwebo ya gagwe e kgonne go bonala morago ga go thusiwa ke Rre Maatla Basha, ka go anamisa kgwebo ya gagwe mo maranyaneng a Internet. O kgotlhaditse batsadi le setshaba ka kakaretso go netefatsa gore ba bona ditlamelo tsotlhe tse di tlaa thusang gore ba nne le isago e e nonofileng. Mookamela mapodisi a pharakano kwa kgaolong ya Lobatse, Assistant Commissioner Omphemetse Mashiqa, a re dikotsi tsa tsela mo Botswana di oketsegile ka palo ya botlhano mo lekgolong. Mo go reng a ba nale thulaganyo ya go thusana le metse e e mabapi mo ditirong tsa mothale o, Rre Masole o boletse fa tota go sena thulaganyo ya go nna jalo e e kileng ya dirwa le fa go ntse jalo, a re komiti e tla kwalela dikgosi tsotlhe tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba go ba itsese le go ba laletsa go tsena moletlo oo. A re ba tle ba amogele dikgang tsa bana ba ba emelelang kwa malwapeng ba re ba ya sekoleng mme ba ikele go sele. Rre Leipego o tlhalositse gape fa Batswana ba tlotlile go kopa dikgakololo fela fa dilo di sa tsamae sentle, a tlatsa ka go re go botlhokwa go batla bogakolodi le fa go le monate ka seo se ka nonotsha kgologano ya bobedi le gone gore ba ka emelelana jang le dikgwetlho tse ba ka kopanang natso mo isagong. Kgosi ya Metsibotlhoko, Rre Bafentse Moatshing o galaleditse lenaneo la temo la ISPAAD fela thata. Banni ba re go tswa mo Sehunou go ya Motshegaletau ke mosepele fela o mo leele, ka jalo o fitlhela balwetse ba bangwe ba gateletswe mo ba ka se kgoneng go tsamaya lobaka kgotsa ba ka nna ba tlhaelela mo tseleng segolo jang bagodi le ba ba gateletsweng thata mme bare ba kopa gore ba lephata la botsogo ba ba thuse ka koloi ya kalafelo gore bagolo ba kgone go tsaya ditirelo tsa botsogo jaaka go kala bana le dipilisi gautshwane. A re ka nako ya lefatshe leno le ipusa temo e ne e tsaya masome a mabedi go ya kwa go masome mabedi le motso mo lekgolong ya itsholelo ya lefatshe leno mme mo nakong eno e wetse kwa tlase fela thata ka e tsaya boraro go ya kwa go bone mo lekgolong jwa itsholelo ya lefatshe leno. Kgosana ya Kgwatlheng, Rre Kagiso Gaofiwe ene o ne a akgolela kereke eo tiro e ba e dirileng a ba a re o dumela fa kgotla ya gagwe e tla a segofala. A supa fa motho e le teemane, seikokotlelo sa lefatshe, e bile khumo ya lefatshe e le mo mothong. Kgwetlho e a kopanang le yone thata ke ya go tlhoka mmopa lebaka le le leele ka go bo a o tsaya kgakala kwa Kanye. Kgosi Solomon Pharithi wa Molalatau o kopile puso go gagamatsa dikatlholo tsa bogodu jwa leruo. Mme Tshireletso a re lenaneo leo e sale le simolola, le kgonne go tshwara manyalo a feta dikete tse pedi, selo se a reng se tshwanetse sa akgolwa ebile sa rotloediwa. Mme Moupanaga a re o rotloetsa Batswana gore ba seka ba ipaya fela mo go thusiweng ke puso mme ba tsee boikarabelo jwa go ikemela ka nosi ba bule dikgwebo le go nna pelo telele mo maitekong a bone. Rre Botshoma a re o tla ema sekolo sa Nyangabgwe nokeng ka go se kopela dithuso go tswa mo setshabeng le dikhamphani ka go farologana. Kgosi Nkgageng o tlhalositse fa se se ngomolang pelo e le gore fa ba latedisa dikgang tse, ba itemogela gore banni bangwe ba na le kgolagano le batswakwa mo tshenyong e. A re pele ga maphata a sepodise a kopana, mapodise a kgotla ane a fiwa matlo ke ba kgotla, mme jaanong seemo se fetogile fa go nyelediwa sepodise sa kgotla. Mogolwane mo ofising ya matimela mo kgaolong -potlana ya Letlhakeng Rre Lerang Phala o boletse fa ofisi ya bone e tsweletse ka go phutha matimela mo kgaolong. Mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso, o akgoletse badumedi ba kereke ya Sabata go nna le seabe mo go tokafatseng matshelo a Batswana ba ba sa tlholeng bana le dithata tsa go itirela ntateng ya bogodi. Go na le sekgwa fa gare ga sekole sa rona le se segolwane sa Sedie, ga twe bana ba rona ba tlhola ba iphitlhile mo go sone ba sa tle dithutong. O ne a re tsela e ne e se e e bonolo ka dinako tsotlhe, mme a re mo maitlamong le maikemisetso a bone e le puso go kgabisa lefatshe la Botswana, mangwe a maitlamo a atlegile, dingwe di tsweletse ka go dirwa fa tse di saletseng kwa morago ba ititeile ka thupana go di diragatsa. Fa a amogela dijo tseo, Mme Mbolawa o supile fa a leboga komiti eo go supa mowa wa bopelotlhomogi mo go ba ba sa itsholelang. Rre Masisi o tlhalositse fa pina ya setshaba e tshwanetse ya opelwa ka tshisibalo le go fiwa tlotla. A re go le gantsi batho ba na le go tshaba boikarabelo a supa fa gantsi ka nako ya fa go nyala ngwana wa mosimane ba goora mosadi ba ikgogela kwa morago ka ba itse fa go na le ditshenyegelo. Fa a amogela baeng, Kgosi Piet Manyoro wa Khawa, o ne a ngongorega ka tsela e e mo motseng, a re ga e tsamaege ka e le lokgarapana le dikhuti, mme seo se paledisa morafe go ya go kopa dithuso kwa motseng mogolo Tsabong. Rre Mosimanegape o tlhalositse fa ba kgobokantse badiri ba botsogo go tla go ruta ka malwetse a a farologaneng go balelwa le malwetse a legano. Fa a bua mo puisanong bosheng, mogolwane wa lephata la metsi mo Maun, Rre Kutlo Kgobero o tlhalositse fa mo Okavango ba solofetse merwalela mo mafelong a a jaaka Shakawe le Mohembo bogolo thata mo kgaolong ya Mohembo bophirima. Kgosi Michael Balebetse wa Mmathubudukwane o ne a rolela mafoko a molaodi hutshe a re go a itumedisa fa go na le dipalo tse dintsi tsa batho ba ba thusitsweng ka lenaneo. Modulasetilo wa komiti ya dikgafela, Mme Senwelo Ramokobetwane o tlhalositse fa ba abile dimpho tse ba itebagantse le letshego la tebelopelo la 2016 le le reng setshaba se se kutlwelobotlhoko, ka jalo ba tsere tshwetso ya gore ba abele ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. O ne gape a kgotatsa banni ba Mmathubudukwane ba ba itseng tiro ya go aga, go tsibogela tendera e duleng ya go aga mosele o thusang ka dinako tsa di pula. Mopalamente o tlhalositse fa e setse e le nako ya gore balemi ba nosetse gore ba kgone go ntsha ditema tse di bonalang. Rre Leipego a re banyalani ba kopa dikgakololo mo batsading, masika kana bagolo ba ba setseng ba tshegeditse molao wa lenyalo, a supa fa nako tse dingwe go sa tlhokafale moitseanape wa lenyalo. Barui ba ditonki ba kopile puso go ba okeletsa tlhwatlhwa ya thekiso ya tonki ba kaya gore se ke sone se ka dirang gore tonki e tsewe ka tlhoafalo fela jaaka leruo le lengwe le tshwana kgomo. O buile se kwa pulo semmusong ya letsatsi la balemi ba kgaolo eo bosheng kwa masimong a Bobothakgama kwa balemi ba neng ba kopanetse teng go neelana maele ka methale ya temo. Setshaba se tlhagisiwa ka kgonagalo ya merwalela kwa dikgaolong tsa Okavango le Chobe. Moletlo oo, o ne o diretswe babereki ba lephata leo ba Bokone Botlhaba go ba lebogela go bo ofisi ya kgaolo ya bone e le nngwe ya dikgaolo tse go supagetseng di dira sentle mo go diragatseng ditirelo le maikemisetso a lephata. Molaodi wa legare, Mme Berenice Berman-Mosime o itsesitse banni ba Makgaba mo kgaolong ya Boteti gore motsana wa bone o tlhomamisitswe go nna motse bosheng. A re seabe sa bone se akaretsa go gakolola le go tla ka methale le matsipa mo tirong go tokafatsa ditirelo. Tsholofelo ke gore letlhoko la ditiro le le re apereng mo kgaolong e ya rona, ke gore re bone botsadi, banana, ba ba ntseng ba reeditse ka tlhwaafalo ba simolola le gone go tsaya mananeo a, a tlhalosa. A re mo nakong eno ba tsaya bontsi jwa mokolwane kwa Shakawe. A re mo kgaoganyong ya melelwane, masimo a Mhawaneng a wela mo kgaolong ya Molalatau ka jalo banni ba seka ba etsaetsega go ikwadisa. Ka jalo, a re Tautona o ne a ntsha taelo ya gore badirela puso ba nne ba tswela kwa ntle ga diofisi go direla setshaba, go tiisa botsalano fa gare ga bone le setshaba se ba se thusang malatsi otlhe. Borre Sekgweng le Lesonya ba tlhalositse fa batho bangwe matlo a bone a ka tswa a ranyegile ntateng ya go dirisiwa ga ditalameiti tse di thuntshang maje e bile batho bangwe ba ka tswa ba senyegetswe ke makotswana a a ageletseng digotlo gammogo le go senyega ga diterata. Rre Motoma o tlhalositse gape fa ba ikaelela go rotloetsa banalebogole go ribolola ditalente tsa bone gore le bone ka moso ba tsoge e le dikgantshwane mo lefatsheng leno. O kaile fa Batswana ba goga dinao go kopa dikgakololo ka lenyalo, a tlhalosa fa seo se ne se ka thusa go fokotsa dikgang tsa go thubega ga malwapa. O ba gwetlhile gore fa ba tlhophe mananeo ba dira ditshekatsheko tse di tseneletseng gore ba seka ba tlhogela letlhoko legolo la motse. Betlelang bana bokamoso - Venson-Moitoi Molaodi wa kgaolo ya Kweneng mme Berenice Berman-Mosime a re ba kgonne go ntsha batho mo mekgwatheng go tsibogela kiletso mesepele ya nako eno, go hema kanamo ya mogare wa corona. Selekanyo sa metsi ko nokeng ya Okavango ke 4-5m ka jalo fa e tshela metsi go ka baka merwalela, a tlhalosa. Fa a buwa ka nako ya kabo ya ntlwana eo, moithuti yo o eteletseng tiro eo pele, Rre Mokwele Mathews a re ba kgonne go fithelela maikaelelo a bone a go agela kokelwana ya motse wa Zoroga ntlwana ya matlakala ka thuso ya boithaopi jwa banni ba motse. A re e tla ema mo maemelong a terena a le marataro fela a tshwana la Francistown, Mahalapye, Gaborone, Palapye. Kgaolo e tlaa bona ditsela tse pedi A e kare o rata motho wa mmolaya? Kgang ya bogosi jwa Shoshong e a kekelela Mo potsolotsong bosheng, Mme Tlale o supile fa dikgwebo tsa banana ka bontsi e le selo sele sengwe. O kaile fa a gwetlhilwe go simolodisa kgwebo ya mofuta o ke boitsaanape jo ene le mohumagadi wa gagwe ban eng ba tla ka jone fa ba ne ba tswa go direla mo dipolasing kwa Aforika borwa ka nako eo. Mme Molamu a re kgwebo e tlhokana le bopelo telele, a kaya fa banana ba tlotlile go batla madi aa tsenang ka pela le go tshela botshelo jo bo magasigasi mo nakong e khutshwane. Kgosi Kgari III o ne a dumalana le gore o tla a ntsha mokwalo o o tla laletsang batsadi ba dikole tsotlhe tsa Molepolole kwa kgotleng kgolo ya Bakwena go tla go utlwa gore matsapa di a tsaya kae le gore go dirwe jang go tokafatsa thuto le botho jwa baithuti. O boletse fa a tlhatswa mmanki o tletse diaparo ka P80 gape a re o tlhatswa le dikobo ka P90. O boletse fa dijo le diaparo di ne tsa koloba mme dilwana tse dingwe tse di farologanyeng di ne tsa senyega. Kgosi Maforaga o ne a supa fa go ne go le thata ka nako eo go etela metse e mengwe mme ga nna le banna ba ba neng ba kgona go reka dikoloi tsa Bedford tse di neng di dirisiwa e le tsa setshaba go sena dibese. Mme Garethata, yo a lemang kwa Pitse-e-wele gaufi le Lecheng, a re dipaka di setse di fetogile, ka jalo go botlhokwa gore molemi yo a lemelang go rekisa a tshware bokgola jwa ntlha gore e re go lebilwe letlhafula ene abo a setse a simolotse go rekisa. Mme Galebotsane a re gompieno seemo sa HIV/AIDS se botoka ka gore puso e ne ya ntsha lentswe gore go kopanelwe seemo se, ga rutiwa batho ka jone le gore ba amogele ba ba amegileng. Mmuso wa Botswana o tsere tshwetso ya go okeletsa badirelapuso bangwe madi ka 4 per cent Moranang a tlhola letsatsi. Dikgomo tse di lwalang ga di kake tsa bolawa Komiti e fa Mbolawa thobo Mogo tsa thuto, motlotlegi Khan one gape a supa faa tshweneyegile ka maduo a sekolo sese golwane sa Kgari Sechele aa nnang ale ko tlase, se tsaya maemo a bomasome a mabedi le borobabobedi ntswa dikolo tse dikgolwane tsotlhe mo Botswana di le masome a mararo le bobedi, jalo se ele maduo aa kwa tlase tota. O supile fa banni ba motse wa gagwe ba tsaya mananeo a a akaretsang la nyeletso lehuma tsia. Rre Kablay o tlhalositse fa lefatshe leno ele gone le itharabologelwang mo manokonokong a kwelo tlase ya itsholelo fa e sale ka 2009 mme jaanong le setse le simolotse go rekisa diteemane le nama kwa mafatsheng a sele. Moupanaga o tshepile dijo tsa setso Mme Moupanaga, yo o dingwaga tse di masome a mane le borobabongwe, o boletse mo potsolotsong fa a ne a tsena mo kgwebong ya go apaya dijo tsa Setswana go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. Mo go tse dingwe, Rre Molefhi o ne a supa fa ba ofisi ya nyeletso lehuma go tswa kwa Gaborone e tlaa re mo bekeng e e tlang ba bo ba le mo Selebi Phikwe go tla go ikopanya le ba ba tlaa bong ba na le kgatlhego ya go rua ditlhapi. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, kgosi wa motse oo, Rre Itsoseng Gaoonwe a tlhalosa gore ka letsatsi leo go tla a bo go aperwe diaparo tsa setso jaaka dijale, mateisi, mpeetshane le diaparo tsa matlalo e bile go tla bo go jewa dijo tsa setso di akaretsa legodu, bogobe jwa lerotse, dinawa, letshotlo le tse dingwe tse di farologaneng. O ne a re fa motho a batla go dira se a se ratang o tshwanetse go tsepama mo go sone ka go se dira ka lorato le bopelotele go sena boithobogo mo teng. Bomme ba Roma ba abela bana Mme Kutlase a re go supa lerato le boikarabelo jwa bone gore e re mo dinakong tse di tshwanang le tse ba ntshe mo ba nang le gone go fa bana ba. Rre Dikhuhang a re ka letsatsi la ditlhopho ke mongwe wa ba ba gorogileng kwa matlhophelong ka nako ya bobedi mo mosong. O boletse fa BDP e na le mananeo a a tsepameng, gape e sala molao motheo morago, e bile e ikaegile ka puso ya batho ka batho. BSB e tla thusa sekole sa Nyamambisi O tlhalositse fa a godisitswe ke temo, a supa fa jaanong se se diragalang mo lefatsheng ka bophara se ngomola pelo le go feta. Lenaneo la ISPAAD le gatetse pele A re o setse a boleletse ba ofisi ya dibetso tsa tlholego, ba e tla reng mmaboipelego a fetsa tshekatsheko ya gagwe ba ntshe letsogo go thusa ka fa ba ka kgonang ka teng. Bangwe ba dibui mo letsatsing leo, le le neng le rotloeditswe ka madi ke ba khamphane ya VIVO ENERGY ke kgosi Gaselemoge Molefhi wa Mookane le mopalamente wa Mahalapye Botlhaba mmaetsho Botlogile Tshireletso yo a neng a akgola botlhe b aba nnileng le seabe mo go rulaganyetseng tiro eo. Ke dumela gore nako e santse e le teng ya gore re ka buisana ka mathata a, re bo re tswe ka tharabololo go tokafatsa seemo. Dikgosi di thusa go aga setshaba Rre Mangwa a re go botlhokwa go isa ditirelo pele ka gore go le gantsi fa ba isa ditlamelo ka malatsi a motshameko wa Khawa Dune Challenge, setshaba ga se tsee tsia ka maikutlo a bone a a bo a le kwa godimo ba sena sebaka sa theetso. E rile a mo kgwa dikgaba mogokgo wa sekole, Mme Kesetsenao Bojase yo o neng a amogela batsadi, a tlhalosa fa a lebogela dipalo tse batsadi ba tseneng phuthego ka tsone bogolo jang e le banana. Bobedi joo, jo bo tlholegang kwa Mahalapye, ke rre wa dingwaga tse di masome a mabedi le mme wa dingwaga tse masome a matlhano le boferabobedi. Kgokgontsho ya tsa tlhakanelo dikobo yone, o boletse fa e akaretsa go pateletsa tlhakanelo dikobo jaaka go betelela kgotsa go pateletsa mokapelo tlhakanelo dikobo ko ntle ga tumalano,dititeo tse di lebaganyeng le go tlhakanela dikobo, go phoraphora yo mongwe ka dikgoka o batla tlhakanelo dikobo. Mme Tiroyamodimo Mpole wa motsana wa Malotwane mo kgaolong ya Kgatleng ke bopaki jwa seo, erile a tlhalosa mo potsolotsong ka Laboraro o boletse fa go lema merogo mariga go mo thusa fela thata ka diji di se dintsi paka eo. Rre Baraki a re ele barongwa ba banni, ba nna ba na le dikgang tse di batlang go kopanelwa ke setshaba le matona a amegang gore ka tshwaragano ba tle ka tharabololo ya tsone. E re dikgang di eme jalo, baphuthegi ba ne ba rapelela Tautona Lt Gen. Tshwaragano e aga setshaba Kereke ya United Congregation Church of Southern Africa (UCCSA) e abetse motlhoki ntlo. Bomme ba kereke ya Roma ba bokopano jwa Southern Dinnery ba Vicariet kwa Francistown ba file bana ba le bane dimpho. A re mokgatlho wa bone o gola ngwaga le ngwaga le fa ntswa ba aperwe ke dikgwetho tsa letlhoko la dikoloi le ditsompelo. Rre Batlhophi o ne gape a kopa go nonotsha tirisanyo mmogo magareng ga bana le seabe go tsisa ditlhabololo mo kgaolong. Rre Lesedi yo e bileng e le moruti wa kereke ya Kgalalelo, o gakolotse gore morago ga go bua le ngwana, motsadi a bue le ba botsogo kana bogakolodi gore ba thuse ngwana, mme gape a dirisanye sentle le ngwana mo go rarabololeng bothata jo a nang le jone, a tlhalosa fa go kopa thuso nako e sale teng go ka sireletsa botsogo le pabalesego ya ngwana. Barui ba buile jaana mo thutopuisanyong e e neng e tshwaretswe kwa Molepolole go rutuntsha barui ba ditonki le ba ba gwebang ka thekiso ya tsone ka Labobedi. Monana o inosa metsi ka tshilo A re sepatela seo ke sengwe tsa ditlhabololo tse dikgolo tse di akanyeditsweng mo lenaneong la ditloga maano tsa ditlhabololo la khansele la boroba-bobedi ga mmogo le go tshela sekontere tsela ee tshwaraganyang motse oo le wa Kaudwane. A re lenyalo le a tlotlwa e bile le a dibelwa ka jaana le tlhodilwe ke Modimo. Molaodi wa kgaolo ya Kgalagadi borwa, Mme Peggy Kutlase o akgoletse lekgotla la kabo ditsha kwa Tsabong go tlhokomela bana ba masiela. Morutabana wa dithuto tsa bogakolodi kwa sekoleng sa Kgari Sechele, Mme Dikeledi Kgalaeng o kopile kgosi go kopana le batsadi pele meono e mesha ya go tokafatsa seemo sa thuto mo Molepolole e ka diragadiwang. A re komiti ya ditlhabololo tsa toropo e na le maikarabelo a go bona gore toropo e sireletsegile gape e babalesegile go ka ngoka babeeletsi le gone go tshegetsa letshego la tshaba e e sireletsegileng e bile e babalesegile. A re bogodu jwa go phamola dibeke le mesokelatsebeng bo golela pele tsatsi le letsatsi mo Maun. Rre Lunga a re mananeo a tshwana le He for She le #Eseng mo ngwaneng a tshwana fela le la Monna tia ka a otlhe a itebagantse le go lwantsha kgokgontsho. O ba kopile gore ba tswelele ba ntse ba bega dikgang tsa bone ka botlalo kwa sepodiseng fa go santse go akanyediwa dikgang tsa boroko. Tautona a re melawana ya diteseletso ya tsa pereko e tlaa tlhofofadiwa gore go ngokwe bagwebi ba ba ka tlhamelang Batswana ditiro. Ka jalo Lekolori, a boela kwa ga bone kwa Lehututu mme a feta a tsweledisa kgwebo ya gagwe mme morago ga ngwaga tse pedi a fudugela kwa Hukuntsi kwa a fetileng a baya semausu sa gagwe fa gare ga Rural Administration Centre (RAC) le sepatela se segolwane sa Hukuntsi. Mo nakong ya gompieno legong o le leba ka matlho fela go be go tswa se a eletsang go se dira ka ponyo ya matlho. Seabe sa batsadi, barutabana se botlhokwa E rile a bua kwa moletlong wa go nyadisa baratani ba le masome a supa ka lenaneo leo kwa Mabutsane bosheng, Mme Tshireletso a re le tsisitse seriti le kgololesego ya mewa mo malwapeng ka jaana batho ba tlaa nna mmogo ka fa molaong. Rre Mogapi a re mo nakong ya gompeino ba setse ba ikgethetse dikole di ferabongwe go balelwa le sa Bopaganang go di ema nokeng le go thusa ka didirisiwa tse di akaretsang simolodisa metlobo ya dibuka a supa fa ngwaga o o tlang ba tlaa o simolodisa mo sekoleng seo le gore ba tlaa atswa baithuti ba ba dirileng sentle mo dithutong tsa bone e le tsela ya go ba tiisa moko mo dithuong tsa bone. Mme Kedidimetse a re, ba lebanwe ke letlhoko la dikoloi, ke sone se go fapaanelwang koloi ele nngwe fela. Dietsele tse dingwe di ne tsa newa baeteledipele ba badisa ba ba neng ba dira ka natla le badisa ba ba neng ba ithaopela go aga ntlo ya ga Mme Monnawakgotla. A re, fa molemi a lema diekere di le tlhano ka ditselana a ka bona thobo e ntsi fela thata. Mme Ramaribana a re go fa ba-na-le bogole thuto ke tshwanelo. A re kgang e e santseng e tshwenya ke go tlhoka go kwadisa dintsho ka jalo o gwetlhile banni ba motse oo go dira jalo ka go le botlhokwa. Mapodise a Letlhakane a tlhotlhomisa kotsi e e gapileng matshelo a bana ba le bararo. O buile gape fa go tlhoka sepalamo se a ka se dirisang mo kgwebong go mo itsa go tsamaela kwa mafelong ka go farologana go rekisa teng, jaaka kwa Kasane kwa bajanala ba ka kgatlhegelang dithoto tsa gagwe teng. O supile fa mo dingwageng tseo go ne go se na yo o nang le boitseanape jwa go nyerolosa tshipi go dira didirisiwa tsa segompieno di tshwana le dithipa, dishaga, dilepe le dikere. O ne gape a supa a a itumelele gobo kompone ywa Water Utilities e sa tsibogele seemo sa kgopo ya metsi a a leswe ka bonako. Mme yoo, a re tiragalo e e diragetse kgwedi eno e tlhola gararo ka nako ya boferabobedi mo maitsiboeng. Kgosi Puleng o ne a kopa ba lekgotla la baruti go nna ba laletsa le ba e seng bakeresete diphuthego tsa mohuta oo e le tsela ya go ba thusa go itharabologelwa gore le bone ba atamele gaufi le Morena. A re maikaelelo ke go tla go tsibosa setshaba fa bolwetse jwa AIDS bo sa ntse bo le teng, e bile bo gaketse; go tla go tsibosa setshaba fa kgethololo mo go ba ba amilweng ke mogare e le mmaba; go tla go tsibosa ka mananeo a a teng a a itebagantseng le go thibela kanamo ya mogare mmogo le gone go tla go gopola ba ba tlhokafetseng ntateng ya bolwetse jwa AIDS. A re e ka tshwenya fela fa e le gore ba kabo ditsha ga ba a nna le morero le bao ba ba amegileng. Kgosi o ne a boa a lebogela batsadi thotloetso ya bone mo baneng ba bone, a re tshwaragano ya bone le bogogi jwa motse mo go rotloetseng banana go tsenya letsogo mo ditirong tsa motse e a nametsa mme e bile maduo a yone a mo mpaananeng. Rre Kaboamodimomo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa badiragatsi ba dipina tsa bone tse di tla tshamikiwang mo Seromamoweng sa Botswana morago ga kgatiso ba tla nwa moro ka ba tla atswiwa ka madi. Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolo ya Bophirima, Rre David Motlhatlhedi o ne a leboga ba kereke eo go bo ba bone go le maleba go lemoga mosola wa bagodi. O tsweletse a supa fa puso e tlaa tswelela ka go thusa balemi ka go ba fa peo ya mmoulo, menontshane ga mmogo le tshefi e e bolayang mhero, e le maiteko a go rotloetsa thobo e e botoka. A re se se ngomolang pelo ka bana ke gore puso e simolodisitse lenaneo la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa loseeng ka ngwaga wa 2002, mme ka maswabi go santse go tsholwa bana ba ba nang le mogare. O ne a tlhalosa fa bosheng diphuthego tse di farologanyeng go tswa Afrika Borwa, Swasing le Botswana di ne di kopanetse kwa Khuis kwa ba fetileng ba abela dikhutsana, ba-na-le bogole le bagodi ba le masome matlhano le boferabobedi melora le diaparo. Kwelo tlase ya itsholelo e diile ditlhabololo O buile se mo potsolotsong bosheng. Rre Gaseitsewe a re go a reketla ka didirisiwa di tla ka monokela, a re seo se ba busetsa morago. Kgosi Motsamai o boletse gore bana ke teemane ka jalo ba tshwanetse go tlhokomelwa, a tlatsa ka gore ngwana mongwe le mongwe ke mmoloki wa motsadi wa gagwe. Bokopano joo gape bo ne jwa itebaganya le go sekaseka seabe le dikgwetlho tsa borre mo matshelong a segompieno go akarediwa ditshetlana di tshwana le tlhokomelo le kgodiso ya bana, tlhokomelo ya lelwapa, boeteledipele jwa borre mo kerekeng le ko ntle gammogo le thomo ya bone mo kerekeng. Mme Pule a re ene ga a bone mosola wa gore ba tswelele ba tlhopha ka seo se sa ba sologele molemo ka gope. Bakwena ba rotloediwa go abela ntlo ya ditso Rre Moipei a re go tlhoka go dira dipoelo go tlaa felela go mo tsenya mo mathateng a go busa bontlha bongwe jwa dithuso ka madi a a neng a thusitswe ka o ne e ne e le kadimo. A re se ke kgwetlho gore go nne le mananeo a a nitameng a a ka thatafaletsang magodu a diteemane tiro. Kgosi Jackalas o ne a ba lebogela seabe sa bone mo go thuseng lefatshe leno go gagabela kwa maitlamong a lone a gore e re ka ngwaga wa 2016 Batswana e bo e le tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathalelana. Rre Monyena o ne a supa fa mo bontsing jwa masimo a go neng go direlwa dithuto mo go one, go na le diphatlha fa gare ga dijalo tse di lemilweng mme go supa fa polantere e ne e sa dirisiwe sentle. O ne a tlatsa ka gore bana bao ba ka tshwara masome a marataro(60) mme ba tsena sekolo mo Sese le ko sekolong se segolwane ko Jwaneng. Rre Maele o ne a kopa balemi go emisa go itseela kwa tlase ntswa ba le botlhokwa e bile setshaba se ikaegile ka tse ba di dirang. O supile fa ba tlaa tswelela ba tshwaragane le sekole sa Boikhutso go thusa bana ba basetsana ka ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi mme ba tlhoka go nna ba engwa nokeng fa go kgonagalang teng. Kekere sekao sa lorato le pelotlhomogi A re o ne a seka a tsaya letlhoko la tiro e le seipato mo go tsweleleng pele ga botshelo jwa gagwe, ka jaana a ne a itse ka tlhomamo go na le ditsela di le mmalwa tse ka tsone a ka itepatepanyang le tsone go ipetlela bokamoso. Go kwadisa ditsha go ka fema dikgotlhang Mme Ntau o boletse fa a ne a kopa thuso mo ofising ya matlhoko a loruo mo Tsabong mme nako kgolo ke eno ga go na nko e tswang lemina. O tsweletse a supa fa lekgotla la bone le tsweletse ka go amogela dikopo tsa metse mme ikopelo e e dirwa ka go romela kopo ka poso e le tsela nngwe ya go fokotsa tshenyetso setshaba. Mokhanselara o kgothatsa komiti Dikereke di kopiwa go tshwaragana Le fa go ntse jalo Kgosi Puleng o ne a kopa gore diphuthego tsa kgotla di nne di lalediwa ka mashetla. A re ba-na-le-bogole ba tlaa simolola go seke ba lebalwa kgotsa ba salela kwa morago mo ditirong tsotlhe tsa setshaba. Komiti ya botsogo ya Local Enterprise Authority (LEA) kwa Masunga e tsweletse ka maiteko a go diragatsa letshego la tebelopele la setshaba se se kutlwelobotlhoko e bile se le lerato. A re gape go bereka sentle ga komiti ya batsadi le barutabana, e e tlhophilweng ngwaga ono go ka thusa go godisa maduo a ngwaga ono. O bile a tlhalosa fa go ya ka ene a itse gore dimpho tse di tlaa bong di phuthilwe di tlaa rolwa kwa kgotleng kgolo e bile e le tsa Batawana botlhe e seng kwa dikgotlaneng jaaka batho bangwe ba akanya. Supt Matlapeng o kopile setshaba go tla go bona dipodi tseo kwa masakeng a Sejelo, mme mmelaelwa ene o tlaa nama a tshegeditswe ke mapodisi. O tsweletse a tlhalosa gore seemo sa boitekanelo se ntse se le kwa tlase mo Metsiaela, a re seo se gakadiwa ke gore bontsi jwa banni ba lefelo leo ga ba bereke mme ba ikaegile thata ka thuso ya khansele le gone go tshwara-tshwara mo Ipelegeng. A re dipatlisiso di supa gore mo Botswana gantsi melelo e dirwa ke batho ka jalo o tsibositse setshaba gore ba nne kelotlhoko. E re ka jaana letsatsi leo le ne le phuthaganetswe ke baruti le diphuthego ka go farologanya, moruti Kefilwe Gwu go tswa kerekeng ya Saint Bethel, o ne a gakolola setshaba ka kakaretso go emisa go kgetholola ba ba tshelang ka mogare wa HIVe. A re go supafala fa ba nopotse matshego a le mabedi e leng letshego la tshaba e e kutlwelobotlhoko, e e siameng ebile e tlhokomela batho botlhe le la tshaba e e tswelelang, e e itirelang ebile e fetola dilo. Lenaneo la YDF le tswa tema Batsadi ba ne ba natefisa letsatsi ka go tlhabela bana mainane, dithamalakane le go ba rutuntsha ka direto le meila ya merafe ka go farologana. Chepete o tshela ka matlakala O ne gape a re lefatshe la Botswana ke boswa mme boipuso bo tshwanetse go abelwana gore dikokomane tsa lefatshe le, le tsone di tle di ikakole e bile di ikgantshe ka se ba se utlwang mo nakong ya gompieno. A re komiti ya ditlhabololo kwa Shoshong e lemogile gape gore batho bangwe ba ba neng ba diretswe tshingwana tsa merogo mo malwapeng ka lenaneo la nyeletso lehuma ba sa kgona go tswelela ka mabaka a dikgwetlho tse di farologanyeng. O boletse fa ba kgonne go ngoka dikompone le batho ka bongwe ka bongwe ba ba supileng fa ba tlaa buisana le bone ka fa ba ka thusanang mo go rulaganyetseng moletlo wa ngwaga o o tlang. A tlhalosa fa ba ile ba ragosetsa monna yoo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse. Ba ne gape ba dirisa nako e, le gone go rapelela kgaolo ya bone gore dikotsi tsa tsela ya kgaolo ya bone di fokotsege ga mmogo le jone borukutlhi jo bo apesitseng banni ba kgaolo eo, kobo ka letshoba. Mongwe wa batsena phuthego eo, Rre Thusoemang Dithapo o supile fa bontsi jwa barui ba ne ba latlhegelwa ke leruo ka ntlha ya bolwetse le tlhaelo ya metsi mo kgaolong, mme a supa fa seo se ba kgobisa marapo ka e bile bangwe ba ne ba sala ba iphotlhere e bile seemo se, se phutlhamisa maiteko a puso a go fedisa lehuma. Fa a bua kwa tirong ya go aba dimpho, mopalamente wa kgaolo ya Bobonong, Rre Shaw Kgathi, o tlhalositse fa tiro ya go abela dikole tse di lesome le bosupa tsa kgaolo ya Bobirwa e simolotse ka ngwaga wa 2014 fa World Group of Companiese e abela dikole dibolo di le makgolo a supa go dirisiwa go tlhabolola motshameko go tswa kwa tlase. Bomme ba motse wa Bobonong ba ka nna lesome ba ipopile setlhopha go itshetsa ka go kgobokanya le go rekisa majwe. Seretse Khama Ian Khama a setse a ntshitse tlhobaelo ka dipego tse di nnileng teng tsa gore lenaneo la Ipelegeng ga le tsamaisiwe sentle mo pegong ya gagwe ya tekodiso ya setshaba. Mme Velleminah Pelokgale yo e leng mmabalemisi wa kgaolo ya Legare o ne a re ba ne ba tshwara letsatsi la go ruta balemi ka go somarela bokgola ka dinako di fetogile e bile methale ya temo e e neng e dirisiwa pele e fetogile ka jalo balemi ba tshwanetse ba nne ba rutuntshiwa gore ba bone dipoelo tse di botoka. Mo godimo ga moo, dikatso tse di tlhomameng tsa kgwedi le kgwedi le tsone di tla a okediwa ka 4 percent. O tladitse ka go re yo o tlhabilweng thobega o ne a nna a nosiwa meriana e kopantswe le metsi a a setseng ka nako e go neng go tlhapisiwa fa a robegileng teng ka nako ya thobega, go ritibatsa bothoko. Balemisi go tswa Ngamiland East Sub-crop Production ba tlhatlheleletse banni ba Samedupi ka ditsela tse di babalesegileng tsa go bolaya diji mo masimong. Olopeng o akgola badiri ba lephata la gagwe Komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgotla ya Lephane mo Tonota e roletse banni pego ya ditlhabololo tse ba di kgonneng ngogola ga mmogo le tse di mo lenaneong la ditlogamano la 2018. Rre Samson Dubani, wa motse wa Mbalambi o ne a kopa gore go agiwe kampa ya sepodise sa SSG mo motseng wa bone ka mabaka a gore kampa tse go ka tweng di gaufi ke tse di kwa metseng ya Goshwe le Zwenshambe. O tlhalositse fa ba tlhamile mokgatlho o ele bomme baba sa berekeng ba gwetlhiwa ke go reketla ga botshelo. O kgothaditse Batswana go tsaya temo-thuo ka thwaafalo le go e tsaya jaaka kgwebo ka ele yone ba ka e dirisang go ntsha dijo tse di lekaneng, go nyeletsa lehuma, letlhoko la ditiro le go tswakanya itsholelo ya lefatshe leno e e ntseng e ikaegile ka ditswa-mmung. E re ka puso e tshwentswe ke dilelo go tswa mo setshabeng ka kakaretso ka go tlhoka go bona ditirelo tsa puso ka fa go kgotsofatsang ka teng, maphata a puso go tswa mo Lobatse a ne a rulaganya letsatsi la go isa ditirelo kwa setshabeng go tla go rutuntsha banni ka ditirelo tsa bone le go tsaya dikakgelo gore ba ka tokafatsa ditirelo tsa bone jang gore setshaba se di akole bonolo. O ne a akgolela Rre Mabutho se a se dirileng. Dikereke kwa Mochudi ga mmogo le komiti ya ipabalelo tseleng di ne di phuthaganetse kwa diponeng tse di laolang pharakano kwa Bokaa ka Sontaga go rapela. Superintendent Mogatsaseno o tlhalositse fa mekgwatha e, e ka tswa e le mebila e e ralalang dikgwa, diphaposi tse di dikaganyeditsweng ke dikago tse ditona, ditsela tse di senang motsamao o montsi wa batho ga mmogo le ditsela tse di senang dipone. A re dijalo di tshwana le lebelebele, mabele, dinawa le letlhodi ke dingwe tsa tse balemi ba rotloediwang go di lema. Rre Moloi le ba lephata la gagwe ba abetse baithaopi dilwana tse di ba sireletsang fa ba lwantsha melelo, a tlhalosa gape gore ba tsweletse ka go ba rutuntsha gore ba ka tima melelo jang. A re ba na le lenaneo la go sidila babereki maikutlo ka gore mmereki yo o sa itumelang mo moeng ga a kake a kgona go ntsha maduo. Fa a tswa la gagwe, monana mongwe wa motse wa Takatokwane, Mme Boitumelo Kgotlayagae o supile fa ba lebanwe ke kgwetlho e kgolo ya tlhaelo ya ditiro e bile bontsi bo inaakantse ka nakwana le Ipelegeng ka jalo a gwetlha banana ba bangwe go tsaya tsia lenaneo le tshwana le le ka jaana le ka fetola matshelo a bone. Mme Thapelo a re lenaneo le ke lone le le tlaa ba kaelang gore ditlhobololo tsa motse di tlaa nna jang, a tlatsa ka go re fa le sena go wela ba tlaa dupa ditsha pele ga di ka bewa. Rre Loeto a re ba eme ka dinao go netefatsa gore mananeo a mantle a puso a sologela Batswana molemo ka go ba ntsha mo lehumeng mme puso le yone e fefogele go dira ditsela tsa meraka le go gokela motlakase gore barui ba tlhabolole leruo la bone ba tle ba kgone go bona dipoelo. Khamphani ya Image Civil Engineering le khansele potlana ya Mogoditshane-Thamaga di lebogetswe go supa lerato mo batlhoking ka go ba agela matlo a bonno. Go ne go bua jalo lebutswapele la phathi eo, Rre Daniel Kwelagobe, fa a rola ntlhopheng yoo semmuso kwa Moiyabana bosheng. Ba ne ba tlatsa ka gore ba bona dituelo morago ga nako e telele mme se se ba tlhokise kutlwisisano le beng ba matlo a phiriso le gone go nna lobaka ba sa obe lebogo. Mapodisi ga a robatswe ke dipolaano tsa baratani A re kgang e e tswa kagakala mme go lebega kahnsele e le moriti o tsididi fela a tlatsa ka gore go ranyega ga matlo a go golela pele mme seo se baya matshelo a banni mo diphatseng. Mo go tse dingwe, Kgosi Malope o kopile morafe go rapelela pula. A re borre ba seka ba nna ba-tswa setlhabelo sa kgokgontsho ba beile fela mo go reng ngwao e rotloetsa fa rre e le ene a tshwanetseng go fepa bana ba gagwe e seng go tlhokomelwa ke mme. O tsweletse a kgothatsa banni ba Khudumelapye go emisa go thubela ba bangwe malwapa mme a ba kopa go tshotlha dikgang tsa go thubelana malwapa le go tlhalana kwa malwapeng pele. Fa a bua mo boemong ja mookamela mapodise a Machaneng, Constable Botshelo Molubi o supile fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa kgokgontsho ya bong tse ba sa di begelweng. Khansele e ikanya thapelo Le fa go ntse jalo o ne a supa fa ofisi ya bone e tshwenyegile thata ka ditsha tse di ananngwang ka dipalo tse di kwa godimo. Metlha e fetogile ya go bona ngwana yo o kwa tlase ga dingwaga tsa boraro a bolawa ke bolwetse jwa go swa mohama, leroborobo la letshololo ga mmogo le dibokwana. A re ka moo, go mo maruding a mongwe le mongwe go itlhatlhobela malwetse go bona kalafi ka nako, ka e bile puso e simolodisitse tiriso ya metshine e e ntshang maduo a TB mo malatsing a le mabedi go na le pele mo maduo a neng a tswa mo malatsing a supa. O boletse fa go na le lenaneo la go thusa barui ka moroto wa dipoo tsa mashi mme lephata la gagwe le thusa gore go dirwa jang. Gape o gakolotse basetsana go fokotsa go tsamaya bosigo ba le bosi a re selo seo se ka tsenya matshelo a bone mo diphatseng di tshwana le petelelo. Gaborone o lebogela kago ya matlo Mongwe wa barutabana ba lekwalo la bosupa Rre Joel Besson o ne a supa fa ba setse ba ipapanne sentle ka ba setse ba itlhokoletsa ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa mme tsholofelo e le gore ngwaga ono ba tle ba kgone go feta ka tse di tsididi ka go gaisa dikole tse dingwe ka maduo a lokwalo lwa bosupa mo kgaolong ya Kgalagadi. Rre Chepete a re o ipelafatsa ka kgwebo eo ka jaana e se na dikgwetlho. Kgolagano fa gare ga lona le barutabana ke yone fela e e ka solegelang bana ba lona molemo, mme fela seo se ka kgonagala fa le ka tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana, a tlhalosa. Superintendent Mogatsaseno o tlhalositse fa batho ba itlwaeditse go dirisa mekgwatha e e sa babalesegang go tsamaela kwa mafelong a bonno le a a nang le ditlamelo. O ne a re o tshwenngwa ke gore mo mafelong mangwe boradikonteraka bangwe ba dirisa didiriswa tsa boleng jo bo kwa tlase, mme a re lephata le tsentse seemo seo leitlho go netefatsa gore ba fedisa mokgwa o. Lephata la dikgwa le ipaakanyeditse melelo ya naga Re tlaa buisana le Batswana ba ba ratang maitiso gore go ka dirwa jang gore ba bine ba gololesegile mme ba sa kgoreletse ba bangwe, Tautona Masisi a tlhalosa. Erile a tsibogela dikgang tse, Inspector Kumbani Machaya a kopa morafe gore o seka wa itsapela go bega dikgang kwa mapodiseng ka jaana ele tiro ya bone go sireletsa setshaba. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Xaxaba bosheng, Rre Motlaleselelo a bolela fa go tsaya tiro ka tlhwaafalo go ka thusa mo go tlhabololeng matshelo a batho. Living Faith Ministries e lemoga bagodi Ba re Rre Batshu ke ene tona wa ntlha go buisa phuthego ya kgotla kwamotseng morago ga sebaka se seleele. Kgokgontsho e tsuulola ya ditshwanelo O gwetlhile baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana go ikwadisetsa lenaneo la ‘Re a nyalana’ mo kgotleng gore ba tle ba rurifadiwe fa ba nyalane ka fa molaong le go fiwa setlankana sa lenyalo, se a tlhalositseng fa se tshwana fela le sa kwa ga molaodi, e bile go se turu. A re puso e tsweletse ka go dirisa madi madi e tlhabolola seemo sa thuto e bile e dira maiteko a gore ngwana mongwe le mongwe a bone sebaka sa go amogela thuto go sa kgathalesege gore o tswa mo lefelong lefe. Mopalamente o kopile banni gore fa ba hirisa masimo jaaka bangwe ba setse ba dira kwa Mmathubudukwane, go botlhokwa gore ba ithute se bahiri ba se dirang gore le bone mo nakong e e tlang ba kgone go itirela. O ne a tlatsa ka go re le fa go ntse jalo dilo tse di batla madi. A re ba ba rotloetse ka go tlhodumela tiro ya bone ya sekole, le go kopana le barutabana fa ba belaela boitseme bongwe mo thutong ya bana. A re kgwebo e, ke yone a e dirisang go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. Mo go tse dingwe, fela jaana Mme Matseka, Rre Mothoagae o ne a tlhalosa fa ba tshwentswe ke matlakala mo motseng wa bone ntswa le ba re ba a leka go o phepafatsa. Mapodise a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng setopo sa monna mongwe, se se neng se setse se senyegile, kwa motseng oo. O ne a supa fa nnotagi e kgona go tsisa kgotlhang mo malwapeng, e baka mathata a madi, mme seo se felele se baka kgaogano mo malwapeng. Rre Mutshula o ne a supa fa le bone e le ba VDC, ba na le keletso ya go thusa bangwe, sebe sa phiri e le go bo ba na le kgwetlho ya madi ka ba sena letseno lepe le le ba tsenyetsang madi mo letloleng. Ka jalo o ne a rotloetsa gore a tsamaiso ya khansele mo lobakeng lo lo tlang e tlotlwe le go tsewa ka tlhoafalo dinako tsa go dira thomo ya setshaba gore batlhophi ba tswelele ba lemoga botlotlegi jwa baemedi ba bone. Rre Butale o ne a ba tshepisa go sala morago kgang ya tsela, a tlatsa ka go re ba lephata la ditsela ba ne ba lekodisa khansele ya Bokone Botlhaba ka seemo sa tsela ya Tshesebe mme go solofetswe fa metse e e amegang e tlaa lekodisiwa. Rre Seloi a re ga ba kgone go dira tiro ya bone ka tshosologo ka ba sa sirelediwa ke molao, a supa fa marapo otlhe a neetse babueledi, mapodise le bo mmakaseterata. O ne a ikuela mo banning ba motse wa Moroka le metse e mengwe e e mabapi, ba ba neng ba tsene phuthego gore ba tswe ka tharabololo ya matshwenyego a, ka puso yone e setse e dirile maiteko a yone ka go isa mapodisi, masole ga mmogo le ba taolo malwetse le matlhoko a leruo go baya leitlho molelwane. Re tshwenngwa ke gore ntswa re itemogela diemo tse di thata mo kgaolong eno, ga re kgone go nna le tekodiso ya ba boipelego, ka se e ka tswang e le bothata, ga tlhalosa kgosi Hube Bangwe ba banni ba kgaolo eo, ba re ba kgaphetshwe kwa ntle ke thulaganyo ya go tlamela batho ka dijo tsa letlole la COVID-19. Mookamedi wa ofisi e tsamaisang mananeo a go lwantsha mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS kwa Boteti, Rre Ketlantshang Monyadiwa a re tiro ya go aga matlwana a boitiketso e tlile morago ga go dira tsheka-tsheko go bona se se tlhokwang mo kgotlaneng eo. Mme Molamu o tlhalositse fa e ne ya re ka 1998 a ya go ithutela tiro ya go roka a itebagantse le go sega le go roka paka ya bana ba sekolo, lefa letlhoko la madi le ile la kgaosetsa dithuto tsa gagwe. Kgosana wa kgotlana ya Dilaene 2, Rre Albert Moseki o lebogetse banana maiteko a ba a dirang, a re ba tswelele le mosepele wa bone wa go gasa molaetsa o o botlhokwa o. O kopile morafe go iketleetsa ka palo e e kwa godimo le go tsaya karolo mo moletlong oo. A re ba lebanwe ke kgwetlho ya go tsamaela ruri ga babereki fa ba sena go amogela le gore balemi ga ba tsose diterata fa di senyegile mme diphologo di felele di ba senyetsa selo se a reng se diga thobo ya kgaolo. Go ne go kgatlhisa thata ka go ne go sena motse o o neng o batla go gaisiwa. Are maikaelelo a go dira ntlo eo ke go somarela ngwao le go ruta bana ka dilo dingwe tsa Setswana bogolo jang ka bane ba lemoga fa baithuti basa dire sentle mo dithutong tsa bone tsa Setswana. A re maikaelelo a mokgatlho wa bone, o o simologileng ka ngwaga wa 2011 kwa Francistown ke go thusa batho segolo jang ba ba kobo dikhutshwane go ikemela ka dinao go tokafatsa matshelo a bone go na le go baya fela mo go reng puso ke yone e ba thusang go ka oba letsogo. A re gore motho a kgone tiro e a tlaa bong a e tshwere o tshwanetse go dira a le boikobo, a itshepha a bile a ikanyega. O ne a tlatsa ka gore malwetse a go gatelelwe ke maikutlo le a thaloganyo a ka bakiwa ke kgokgontsho. A tlhalosa gore dikgang fa di le kwa kgotleng ya ditsheko ga di a tshwanela go buiwa gongwe le gongwe ka go dira jalo go ka kgotlhela bosupi mme ga itsa baatlhodi go fa dikatlholo tse di tlhamaletseng. Dr Khudu-Peterson yo e bileng e le motlhatlhelela dithuto kwa unibesithing ya Botswana a re ba thusa banana gape ba ba sa dirang sentle mo mophatong wa boraro mme ba eletsa go baakanya maduo a bone ka go ba suga sebaka sa ngwaga ka keletso ya gore ba iponele diphatlha kwa dikoleng tse dikgolwane. E rile bosheng banana ba kgaolo ya Nkange ba le masome a robabongwe le botlhano ba bo ba rutuntshiwa ka ditsela tsa go nna bagwebi ba ba botlana. Fa a akgela mo tshimolodisong ya kgwedi ya merapelo, o tlhalositse fa thapelo e le yone seikokotlelo sa botshelo, a tlatsa ka gore fa go senang thapelo e e lolameng teng, ga go na sepe se se ka robalelwang ke ditlhokwa. Banana ba kereke ya Evangelical Religious Protestant Unity Church ba akgoletswe seabe sa bone sa go simolodisa kago ya kereke eo kwa motsing wa Mabutsane. O ne a tlatsa ka gore batsadi ba ithute go botsa ba bongaka fa ba sa tlhaloganye. Lephata le akgola beng ba dipolase Fa a bua ka melao e mengwe, Rre Molebatsi o ne a supa gore molao wa bogodu ja leruo le one o baakantswe. A re tlhatlhobo e botlhokwa mo go bomme ba ba santseng ba le matlhagatlhaga mo go tsa tlhakanelo dikobo, ka jalo fa ba bongaka ba itemogetse matlhasedi a kankere go sale pele ba kgona go ba tsenya mo kalafing kana ba ba fetisetse kwa go nang le dithuso tse di maleba teng. A re e tla a bo e re botshelo bo ntse bo tsweletse, kgokgontsho e tla a bo e gola go simolola go nna le dikiteo le go itseela dikobo ka dikgoka gareng ga tse dingwe, ke ka moo bomme le borre ba lelang ka dikgang tsa kgokgontsho Kgosi Mpeo o kopile setshaba go bega dikgang tsa kgokgontsho gore di tle di rarabololwe go sa na le nako. Rre Mangori a re go na le bangwe ba ba gopelang puso ka tsholofelo ya gore makgotla a tlaa ba sekela a re seo ga se moono wa makgotla ebile ba nna ba tsibosa badiredi go ikgapha mo mokgweng oo. E rile a lekodisa ka tiro ya letsatsi le, Moruti Fenny Ramatshaba a bolela fa e le thulaganyo ya Modimo, gore ba bo ba kgonne go lemoga gore batho ba na le letlhoko, mme jaanong kereke le yone e tsaya karolo le boikarabelo ka go tsaya kgato go thusa puso go lemoga batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. O ne a supa fa e ne ya re ka 1999 a atlega a thusiwa ka lenaneo la FAP, mme a reka motshine o o rokang mme seo sa thusa kgwebo ya gagwe go itshetela le go netefatsa toro ya gagwe ya go nna moroki yo duleng diatla. Tshekatsheko ya mabaka a ga Agente Moncho go fa baiphemedi sebaka sa go ikuela kwa kgotleng kgolo ya ditsheko e tla reediwa Morule a fera bongwe. Mogokgo a re ba ikemiseditse go leka ka thata ka se ba nang le sone ka tshepho ya gore dilo di tlaa apara tshiamo motlha mongwe. Rre Ramotsababa o supile fa maduo a sekole seo mo dingwageng tse di fetileng a ne a ntse a wela kwa tlase, a supa fa mo ngwageng ono a tokafetse fa go tshwantshanngwa le a ngogola. O buile jalo bosheng, mo puisanyong le Mo loetong loo, Rre Kgafela o ne a etela ofisi ya matlotlo a puso, matlo a SHHA, dikago tsa lephata la twantsho borukutlhi jwa diphologolo, le Lehututu Integrated Poverty Alleviation and Housing Project(LIPAHP) e le nngwe ya ditiro tse di ka fa tlase ga lephatha la gagwe. Motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Rre Sediegeng Kgamane a re motse fa o rurufaditswe o tshwanetse wa nna le ditlamelo tsotlhe tse motse o di tlhokang. O kopile batsadi go lesa go mpampetsa are go dira jalo ke go itshenyetsa bana. Rre Olopeng a re lephata lagagwe le ne gape la tsaya tshwetso ya go abela sekole sa motse oo dibuka di le167. A re ba itebagantse segolo bogolo le babereki ba dipolase tsa Tuli Block ka go ne go lemotshega ditlamelo le dithuto di sa ba fitlhelele. Rre Gaborone are serepa sa moswi se sa ntse se le kwa setsidifatsing sa kokelo eo go tlhatlhojwa ke ba bongaka fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse mabapi le tiragalo eo. Rre Baatweng o kgadile ka tshakgalo batho ba go bolelwang ba latlhela metseto mo diphaephing tse di gokelwang go phatlalatsa metsi. Ka letsatsi la teng go ne go aperwe dilwana tsa setso, dijo tsa Setswana, dipina le megolokwane. Ba rotloediwa go ipaakanyetsa letsema Mme Kgotlaetsile a re o tswa kgakala le kapei ka a kile a bereka mo madirelong a dijo ka go farologana, mme morago a simolola kgwebo ya kapei kwa maemelong a dipalamo kwa Thamaga. O ne a supa fa nnotagi e dira gore bangwe ba banana ba felele ba latlhegelwa ke botho, ba sa tlhole ba tlotla batsadi le go thusa mo lwapeng ba sa tlhole ba go dira. A re ere ka lephata la gagwe le lebagane le dikotsi tsa tsela, ke sone se ba tsereng tshwetso ele ba sepodise sa pharakano goya go lekola balwetse ba ba neng ba amega mo kotsing eoa mo kokelong ya Mahalapye ele tsela nngwe ya go ba gomotsa le go gopola bao ba ba neng ba tlhokafala. O ne a a tlhalosa fa a na le bokgoni jwa go sega mesese ya mateisi le dikhethene tsa matlo mme a di rekise kwa metseng e tshwana bo Bokspits kwa kgaolong ya Kgalagadi kwa a tlholegang teng. O buile se mo potsolotsong kwa Serowe bosheng. A re borre ba tshwanetse go itse fa bomme le bana ele ditsala tsa bone ka nako tsotlhe, e bile go sena rre yo o ka tshelang a sena mme kana ngwana. O ne a tswelela ka go supa fa o kgona go fitlhela motho a ntshitse madi, dinku, dipodi kana dikogomo go tswa fela ka gore ene o tshwere eng. Molaodi o ne a tlhalosa gape gore go tswa goo lowe bana ba ntse ba tlhokomelwa ke batsadi e se ba bone, mme ba tsaya boikarabelo jwa gore le bone ka moso ba atlege mo botshelong, ka jalo a re bana ba ba seka ba ipotsa gore ke eng fa e le bone fela ba ba kgethilweng. Mapodisi a Kanye ga a jesiwe diwelang ke go betelelwa ga basetsana ba ba tsamayang bosigo. Mookamela mapodisi a Sejelo, Superintendent Mogomotsi Matlapeng, o boletse mo potsolotsong fa monna yo wa dingwaga tse di masome a mane le bone wa kwa Motlhalawakgomo, a paletswe ke go tlhalosa kwa a tsereng dipodi tseo teng. A re go jewa ga tonki go tumile thata ko mafatsheng a Bophirima mme bosheng, go jewa ga ditswa tonking go setse go atla mo fatsheng leno. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Annah Diatla a re lenaneo la Ipelegeng le belege banni ba motsi oo ka bontsi ka botshelo jwa bone banni bao ba ikaegile ka lone mme a leboga puso go tswelela e thusa Batswana ka lone. A re o ne a kgona go reka mechine e e rokang, matsela le tse di dingwe mme a simolola kgwebo ya gagwe e e kwadisitsweng ka leina la Stich mate Tailors. A re ke sone se ba boneng go le botlhokwa go bitsa ba dikereke go tla go thusa ka thapelo. Batswana ba kgothadiwa go ithekela dikoloi ka tlhamalalo Ke itumela thata go bona batsadi ba re eme nokeng morago ga tiragalo e e masisi e e tlogetseng bana ba rona mo legoeleleng, ke leboga thata le lorato lwa kereke ya Spirit Embassy, ga bua mogokgo. A re go ne go sena ditlhabololo dipe fa lefatshe leno le tsaya boipuso mme mo nakong eno ditlhabololo di tshwana le tsa ditsela, dikago le tsa botsogo di teng. O ba kopile go itshekatsheka le go ikaga sesha. A re go botlhokwa gore dijo e nne tse di tlaa lekanang go alosa morafe, bogolo jang ka bontlha bongwe jwa madi a a kokoantsweng go tlhalositswe fa a tlaa tsewa ke go hirisa ditante. Rre Rapoo o tlhalositse fa dipalo tsa ba ba neng ba ikwadisitse ditlhopho ka ngwaga wa 2009 mo kgaolong eo, go supagetse fa di ne di le kwa godimo thata fa go tshwantshanngwa le tsa gompieno. Le fa go ntse jalo, Rre Kgopana o ne a ikuela mo batsading go tlhomamisa gore bana ba ya sekoleng ba le mo seemong sa go ka rutwa.BOKHUTLO A re motsadi o tshwanetse go batlisisa gore ngwana o ikutlwa jang le gore ke eng se se mo dirileng gore a simolole tiriso ya bojalwa kgotsa diritibatsi. Tona a re gore ba kgone go dira tiro ka nata kefa baka fetola ka fa baakanyang kateng le kafa ba ntseng ba dira dilo ka teng, ba itumelele go bona ba kgana tiro ya bone ba bona maduo,ba seka ba kgoreletsa tiro ka dingongorego. Mme Jase le ene o supile fa a itemogetse fa thuto e le pilara ya botshelo, le ene a re ka lesedi le a setseng a le amogetse le mo direla dilo motlhofo ka jaana o setse a kgona go itirela mokwalo wa gagwe gope fa o tlhokegang teng a sa kgarakgatshege. O tlhalositse fa ba fetola dipompo tsa sechaba gore go dirisiwe tsa maranyane tse go nowang ka dikarata.Mokhanselara wa Khudumelapye-Sesung Rre Bokopano Tumiso one a kopa gore go potlakelwe seemo sa tlhaelo ya metsi kwa Khudumelapye. O tlhalositse fa le bogologolo kgaolo ya Morolong e ne e le sefalana sa go jesa lefatshe la Botswana. A re go ka ngomola pelo gore e re morago ga go abelwa matlo, ba palelwe ke go a tlhokomela le go a somarela.O kopile bana bao gore ba seka ba sutisa batsadi ba bone mo matlong ao gonne a agetswe bone. Ba re se se supa gore ke morongwa wa tlhwatlhwa, e bile ba solofela fa a tla tsweledisa thomo ya bone kwa palamenteng. Go sa le foo Kgosi Hetanang o kgadile bobe mokgwa wa batho ba ba nnang mmogo lobaka ba sa nyalana a re mokgwa oo ke one o rotloetsang diphapaang mo malwapeng. Mo dikgannyeng tse dingwe, mokhanselara wa kgaolo ya Disana Rre Rizerua Kazenambo o kopile kahnsele go emela ka dinao kgang ya go atswa banni ba malwapa a a ranyegileng kwa kgaolong eo. O ne a latelwa ke Dr Pipedi Tshekiso yo o neng a tlhalosa fa bogosi jwa motse wa bone e le jwa matsalo, mme a wela ka go re kgosi ke kgosi ka morafe, go latelwe tsamaiso ka kgololesego, boammaaruri le go direla dilo mo pepeneneng kwa ntle ga go soka dirope. Rre Kgothang o ngongorega gore motsana wa Masope o o nang le batho ba le 155 o beilwe ka fa mosing, le mororo metsana ya seemo seo e akaretsa Kgesakwe ya batho ba le 74 e diretswe thulaganyo e e maleba ka fa tlase ga thulaganyo ya go tlhomamisiwa ga metse. Ba kopilwe go ela matlapa tlhoko Mme Keeme Jimmy wa lekalana la twantsho diji le mohero o tlhalositse fa ba ne ba tsibogela selelo sa banni ba Samedupi ka go tla go ba ruta ka go lwantsha motlhwa. A re go botlhokwa gore batho ba tsenye letsogo go e imolola morwalo. A re temo-thuo jaaka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho tsa yone a supa fa kgwetlho ya ntlha e le gore pula ga e ikanyege. Rre Madome o tlhalositse fa Bobirwa a na le mafelo a a tshwanang le Tuli Block le Mashatu Game Reserve a a humileng diphologolo tsa naga ka mefuta jaaka dithutlwa e bile a etelwa gangwe le gape ke bajanala. Rre Rapson a re ka 2013, rraagwe o ne a mo rolela marapo go tsweledisa kgwebo ya bone, ka bogodi bo ne bo itelekela a sa tlhole a kgona jaaka pele. A re go kgobisa marapo go bona Batswana, segolo jang banana, ba goga dinao go dirisa mananeo a mmuso le go tsena ka mmetela mo temo-thuong ntswa ele yone e ka tswakanyang itsholelo, go nyeletsa lehuma le go fedisa selelo sa letlhoko la ditiro gammogo le go emisa go ikaega ka go reka dijo kwa mafatsheng a mangwe. Mme Tema o ne a tlhomamisetsa batsena-tiro eo fa ba botsogo ba tshwaragane le bogogi jwa motse ba tlaa dira ka natla go tlhokomela dikago tseo. Mokhanselara wa kgaolwana ya Kasane legare, Rre Sharps Munihango a re matshwenyego a tsela eo a teng le khansele ya Chobe e a itse. Batswana ba kgothaditswe go ikanya Modimo ka ele ene a ka kgonang mathata otlhe a batho ba tsayang gore ga a kake a fenngwa go akarediwa le malwetse tota. Tona wa Ditsha le Matlo, Rre Prince Maele, o kopile balemi go busetsa serodumo sa temo kwa se neng se le teng fa lefatshe leno le tsaya boipuso. Mme Kachana o boletse fa ba tshwenngwa ke seemo sa matlakala a a sa kgaoganngwang ka dikarolo jaaka ditshipi, dipolaseteke, dithaere. A re metlhale e mesha ya temo e ka thusa go menagane go ntsha thobo e e bonalang ga mmogo le go baakanyetsa temo nako e sa le teng. Modulasetilo wa khansele ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Botokanyana Motoroko o solofeditse fa thulaganyo ya go anamisa dijo e tlaa tokafadiwa mo setlheng se se latelang sa thuto, a tlhalosa fa bothata jo bo santse bo bakwa ke neelano ya ditiro ka gore thulaganyo eo, e ntse e dirwa ke ba goromente yo motona. Seo se builwe ke mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Tutume, Rre Kabelo Tshekiso mo bokopanong jwa babereki bao bosheng. O ne a tswelela ka go supa fa go sa thuse sepe gore ka nako tsotlhe mapolotiki le badirelapuso ba supasupane ka menwana mme ba kopanye ditlhogo go tswa ka maano a a ka fedisang dikgwetlho tse di lebaneng setshaba sa lefatshe leno. O boletse fa morafe o dumalane gore pulo semmuso ya leobo le e dirwe ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi. Mme Morwaagole a re gape ba ba tsibosa ka melao e e amanang le dikgang di tshwana le kgokgontsho mo malwapeng, tlhakanelo dithoto le melao e mengwe e e amang tsamaiso ya malwapa le ditshwanelo tsa bone. Basekisiwa ba tlaa iponatsa fa pele ga lekgotla Phatwe a tlhola malatsi a le mabedi. Banni ba Lesenepole ba paletswe ke go ntsha leina la yo o ka nnang kgosi ya motse oo morago ga gore o tlhomamisiwe ka fa malaong go nna motse. Rre Garebolele a re letsatsi leo le kgonne go ngoka bajanala ka e rile morago ga tiro eo, ba simolola go tshologela kwa Nata Bird Sanctuary, a akgola tiro eo gore e kgonne go ba bapatsa lefatshe ka bophara. O tsweletse a re go sego letsogo le le abang, e bile seriti sa motho tlhogo ya kgomo. Matshwenyego a ga Mmueledi Moncho ke bonya jwa bosekisi go fefosa dikgang tse di tswang bokgakala jwa 2013. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Grace Kgari, Mme Letshidile Kokoro o kgothaditse batsadi go netefatsa gore bana ba phepa le gore ba dira tiro ya sekole ka dinako tsotlhe. O tsweletse a re, bontsi jwa balemi ba na le letshogo la go fetola go lema ba gasa mme o gateletse gore ba tshwanelwa ke go tswa mo go gaseng ka go isa thobo kwa tlase. Kokelwana e, e ba e teileng leina ba re See and Treat, e bulwa fa gare ga beke mme e itebagantse le bomme ba ba dingwaga tse di masome mararo go ya kwa go masome mane le borobabongwe. Bonno joo ke jwa bana ba ba dikobo dikhutshwane jo bontsi jwa batsadi ba bone e leng bomaaipaafela ko motseng oo, ga mmogo le go dikologa toropo ya Jwaneng. BOKHUTLO One a tswelela ka go supa fa gona le batsadi ba ba tlang ko go bone bare ba tsholola dikgang, ka gore ba abo ba bone pipamolomo go tswa ko modireng molato a supa fa ba sa dire sentle ka gore se ga se fetsa mathata ar, are badira melato batlhe ba tshwanetse go tsisiwa fa pela go molao o arabela melato ya bone. Mme Galebotswe a re dikereke di tshwanetse go nna sekao ka boitshwaro jo bo lolameng gore ba ba sa tseneng ba kgone go bona bokao jwa kereke. A re o baya dingwe tsa dilwana tsa gagwe kwa Shorobe Baskets ka ke gone kwa bontsi bo etelang teng. Mme Shoshong a re kgwebo e ya gagwe, e fetotse botshelo ja gagwe ka gompieno a kgona go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. O ne a kopa le bana go ikgapha mo go tsa tlhakanelo go fitlhe nako ee siameng e goroga, are montate wa lefatshe ga o fele mme ba seka ba itshenyetso bookamoso ka monate wa nakwana. A re bontsi bo dira ka gore semangmang le ene o dira se. O ne a kgothatsa batsadi go phuthologa go tswa ka megopolo e e ka agang go ya pele ka maikaelelo a go tokafatsa maduo ka mafoko a a reng kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa gape wa yo o esi ga o ele. Fa a kaya pharologanyo e e diragetseng go tswa kwa ngwageng wa 1966 go tsena mo go wa 2016, o ne a bua ka ditlhabololo le dikgwetlho di tshwana le tsa letlhoko la ditiro. Go ne go le boitumelo jo bo bogolo kwa Draaihoek mo kgaolong ya Kgalagadi fa sekole se sebotlana sa Bopaganang se ipelela dingwaga tse di masome a mararo se ntse se le teng. O tsweletswe gape a tsibosa banni ba Mmathubudukwane ka molao wa tiriso le thekiso ya diritibatsi. A re mo dinakong tse dingwe, batsadi ba kgoba bana marapo ka go bua dipuo tse fapogileng ka barutabana, bagolo ba bangwe le baeteledipele ba morafe ba akaretsa dikgosi le dikgosana tsa motse. Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, Mme Rantatana a re kgwebo ya gagwe e remeletse thata mo go kwaleng dipampiri tsa dithulaganyo tsa phitlho, go kwala dikipara le go tsaya a bo a tlhatswa dinepe. A re baithuti kwa sekoleng seo e sa ntse e le bana fela ba ba kgalemelesegang ka ba sa tsenye barutabana dingalo le gone go ba tlhokela botho, a bua jalo a ntse a iteela batsadi legofi go bo ba ruta bana maitsholo a a eletsegang gore e tle e nne baeteledipele ba lefatshe leno ba ba popota. Ba amogela thuto ka go lwantsha diji Rre Selalelo Mpotokwane go tswa ko lekalaneng la dipatlisiso tsa dijo, le ene o iteetse kobo moroko ka botlhokwa jwa di tswa tonking segolobogolo tse di jewang. Mme Boingotlo a re o santse a dirisanya le ba lephata la boipelego. Moruti o supile fa kereke nngwe le nngwe e tlaa bo e diragatsa, mme a ba kopa gore ba tle ba ipapanne le gone go tla ka nako gore ba kgone go nna le sebaka botlhe. Ga ke re lo seka lwa rua kgotsa lwa lema, mme fela potlakelang mananeo a mangwe a a ka lo ntshang mo lehumeng, Rre Kwerepe a tlhalosa. O kopile banni go nna pelotelele ka jaana kgang e tla rarabololwa. O supile fa gape ba kgontshitswe go dira sentle ke go tlotlana ba bo ba tlotla le barutabana. Monana mongwe, Rre Kagiso Kasefitlhela yo a thusitsweng ka lenaneo le ebile a butse kgwebo ya thuo ya dikgomo ya leina la Ikemela Farm o ne a leboga lenaneo le fela thata ka le mo ntshitse mo lehumeng,a kaya fa a na le moraka wa dikgomo tse di masome mabedi le bone. Ba ne gape ba kgaogana le batho lefoko la Modimo go leka go kgalema ditiro tsa borukutlhi le go nwa bojalwa, ga mmogo le go dirisa ditagi, ba supa fa e le tsone di oketsang mathata.Fa a ntsha mafoko a malebo kwa bofelong jwa tiro, Kgosi Lotlaamoreng o ne a supa matshwenyego a dikotsi mo kgaolong, mme a akgola botlhe ba ba nnileng le seabe mo merapelong eo. A re kokoano ya mofuta oo e itebagantse le gore batle go itshekatsheka ele borre go bona gore seabe sa bone e ka nna eng mo go busetseng kagiso le thitibalo mo malwapeng le mo setshabeng ka kakaretso. Le seka la mo felela pelo mme le itetle go bereka le ene sentle, ga gatelela jalo Kgosi Kgari. Dithapelo tse, di ne di tla jaana morago ga boikuelo jwa ga tautona mo setshabeng go retologela kwa Modimong go kopa tharabololo ya leuba le le neng le apesitse lefatshe leno kobo ka letshoba. Kgari o tsibogela seemo sa maduo a baithuti O boletse gore keletso e nngwe ya mokgatlho ke go bona kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami e na le sekole sa ba-na-le-bogole se se nang le ditsompelo tsotlhe. O kopile gape gore banana ba adimiwe madi ba fiwe dipolasi ba rue ditonki ba tsene mo kgwebong e go bolelwang e na le letseno le le kalokalo. O tlhalositse fa leso e se selo se se tlwaelesegang, mme fa nako eo e tsile, batho ba tshwanetse go amogela se se diragetseng. O supile gape fa ditshupo tseo di neela molemi monyetla wa go ka ipapatsa segolojang fa e le molemi wa mogwebi. Arch Bishop Mereyabone a re e re le ntswa puso e leka ka bojotlhe go thusa ba ba tlhokang, khansele e tshware phage ka mangana ka go tlhokomela batlhoki, dikhutsana le ba-na-le bogole ka dijo kgwedi le kgwedi, selo se a reng se tshwanetse go tshwaraganelwa ke dikereke, maphata a puso, dikompone le setshaba ka kakaretso go imolola puso. Mokhanselara wa Lerala Bophirima, Rre Gabagopole Sebele o ne a supa fa Batswana ba setse ba le mo seemong sa go ikgaoganya ka dilo di tshwana le sepolotiki, metse le dikgotlana mme a gwetlha botlhe go tshwaragana a bolela fa tse di kgaoganyang Batswana di kgona go senya kagiso e e ntseng e rena. Letlhakeng o ipelela ngwao Mogodi o itshetsa ka dikgole O supile gore lengwe la mabaka a gore kgokgontsho e bo e kare ga e laolesege ke gone gore dikgang tsa teng ga di begiwe. Tautona o boletse fa puso e ikaelela go buisana ka tse di amang matshelo a diphologolo le batho ba ba nnang kwa dithoteng tsa diphologolo jaaka bokone jwa lefatshe leno. Rre Motlhaping a re mo nakong e e fetileng o ne a tshwanela ke go latela bana ba ba neng ba kwala lokwalo la bosupa ko malwapeng ka bane ba sena kagtlhego ya go kwala fa bangwe batsadi ba bone ba ne ba ba tsweletse mo matlong. A re ditlhare di tshwanetse tsa kgaolwa ka dinako tse diriling gore go fe tebego e ntle mo toropokgolo. O tlhalositse gore seemo sa pele se ne se babalela thata bana-le-bogole le bagolo ba ba sa kgoneng. Mo go tse dingwe bogogi jwa motse oo bo ne jwa lela ka matlhoko a motse jaaka tlhaelo ya matlo a bodiredi, go okediwa ga kokelwana ya motse ga mmogo le kago ya ofisi ya sepodisi le sekole se segolwane tse ba reng ba sale ba di solofeditswe. Kgosi George Thwane wa Artesia o rotloeditse batsadi ba motse wa gagwe go tsaya karolo mo thutong ya bana e le tsela nngwe ya go ba betlela isago e e molemo. O tlhalositse gore ditalama tsa bokhanselara le tsa bopalamente di tshwanetse go balwa nako e le nngwe fela. A re go tlhokega gore ba itse gore madi ao ke a kadimo, ditsha di bo di teratetswe, di na le metsi, dithuto tsa kago ke boikarabelo jwa bone e le beng ba ditsha le gore fa baagi ba sa dire mo go tshwanetse ke bone ba tswanetseng go tsaya dikgato ka go ikgolaganya le BHC ba e leng bone ba laolang beng ba dikonteraka. Mogolwane wa ofisi ya banana kwa Sebina, Mme Malebogo Tlale, a re banana kwa motseng oo, ba itsapa go akanya segolo jang fa go tla mo go reng ba batla go dira dikgwebo tsa mofuta ofe. Ba re mogwebi mongwe le mongwe o ka direlwa karata e a tla e dirisang go nwa metsi ka yone gore mongwe le mongwe a kgone go a somarela. Rre Komboni a re madi ao ga se a bone ke a batho ba ba kolotiwang, jaanong go mosola go nna le letlole kwa madi otlhe a tsenngwang teng fa a sena go tsewa kana morago ga thekiso. Ba tswelela ba supa fa baeteledipele bangwe ba na le mokgwa wa go solofetsa batho diphatlha tsa mebereko fa ba ka tlhakanela dikobo le bone. Tona Molefhi o boletse fa ditlhabololo di dirwa kwa ntle ga dipharologano tsa diphathi tsa sepolotiki. Basekisiwa ba le bararo ba ba lebaganweng ke molato wa go utswa leruo ba tlaa letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo. A re morafe o seka wa ikaega thata ka puso o bo o iketla, a re ba lope go tsenya letsogo ka go tlaa ba tswa thuso. A re go supagetse fa bareki ba mafatshe a sele ba kgatlhegela nama ya leruo le le jang bojang jwa tlholego fa go bapisiwa le tse di jesiwang dijo tse di itiretsweng. Fa a ntsha lefoko la kgothatso Dr Reginald Oats, mongwe wa baithuti ba pele sekole seo, o ne a kgothatsa baithuti ba sekole seo go itoma molomo wa tlase mo go tlhomamiseng gore ba fitlhelela ditoro tsa bone. O supile fa ba ba tshwerweng ba ne ba isiwa fa pele ga lekgotla la Setswana la Bobonong go arabela melato eo, mme ba bonwa melato ya go gweba le go nna mo lefatsheng leno ka bokukuntshwane mme ba atlholwa makgolo a mabedi a dipula mongwe le mongwe wa bone pele ga ba busediwa gae. Rre Kgafela a re go botlhokwa gore ditirelo e nne tsa sennela ruri go na le go dirwa sogwasogwane fela mme puso e dirisa madi a mantsi mo ditirelong tseo. A re dipego tse dingwe tse di sa jeseng monate ke tsa gore ba komiti ya ditlhabololo tsa metse mengwe ba e leng bone ba eteletseng pele ba ba dirang mo Ipelegeng ga ba dire mo go kgotsofatsang go laola ba ba dirang. E rile a ba kwa kgaba mopalamente Rre Autlwetse a ba lebogela gobo ba ne bam o tlhopha mme a ba solofetsa gore o tsile go ba berekela Rre Autlwetse o ne a ba tlhalosetsa gore ka kgang ya bone ya modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse gore ba batla dituelo o tlaa e fitisitsa kwa lephateng le ele lebaneng.Fa a lekodisa banni ba dikgotla tseo ka tsa kwa mo palamenteng, one a tlhalosa gore palamente e dumelana fela ka bongwe gore tshimologo ya dikereke e tsere phekelo e sele mo lefatsheng leno. A re le dilo tsa gagwe di kgona go rekwa fela thata ka thusa ya ofisi ya nyeletso lehuma. Re dikile re le fa Tsetsebye, ra fitlhela barutabana ba Motswakhumo ba dirile mo go kgatlhang. Le fa go ntse jalo, o ikuela mo pusong gore e tlhofofatse theko ya matlalo a a metsi kwa ntle ga lefatshe leno. A re seo gape se ka thusa puso go lwantsha letlhoko la ditiro ka jaana fa banana ba tsena mo go tsa dikgwebo ba ka nna le sebaka sa go hira ba bangwe. O ne a gwetlha batsadi go tsenya letsogo mo dithutong tsa bana ba bone ka seo se ka thusa thata mo go busetseng serodumo sa sekole seo ka go ka tlisa maduo a a kgatlhisang ka go supegile fa a boetse kwa morago fela thata. O tlhalositse gore ga a itumedisiwe ke ka fa Barolong ba saletseng kwa morago ka teng fa go ipelelwa ngwao, a tlhalosa fa metse e mengwe e setse e semeletse mo go supeng segabone. Maiteko a makhanselara a khansele potlana ya Tutume a go ntsha tshutiso ya go ntsha modulasetilo wa khansele eo Rre Phillip Makale mo setilong a ne a seka a atlega bosheng. Balatedi ba moletlo o ba ne ba itlosa bodutu ka go tshameka metshameko ya ngwao jaaka koi le morabaraba. Mme Bojase o tsweletse ka go supa fa boitshwaro jwa bana e se jo bo kgatlhisang mme se se tlhoka tshwaragano ya barutabana le botsadi, o bile a supa gore fa tirisano e ka nna teng, maduo a tlaa tokafala. O boletse fa go le botlhokwa gore molemi a apare diaparo tsa itshireletso fa a dirisa ditshefi ka jaana di sa tshwanela go amana le letlalo ka gope, le gone go netefatsa gore ba baya ditshefi fa go babalesegileng. A re ba lemogile gore batsadi bangwe ga ba dire go lekanye mo kgodisong ya bana, ke ka moo ba boneng go tshwanela go rulaganya letsatsi leo go ba tlhatlhelela ka jaana botsogo e le jone botshelo jwa motho. Mme Khumalo a re, tiro e ya boithaopo, e mo dirile gore a ikage a bo a amogele seemo sa gagwe ka lorato. O kaile fa maikaelelo magolo a dkgaisano tse e le go itsaane, go tsosolosa le go somarela ngwao mo merafeng ee farologanyeng mo lefatsheng leno, ngwao e tshwana le kapari, mmino teme le tse dingwe. Mme Kachana o boletse fa ba kile ba nna le seemo sa go tshwana le se ngogola fa gone go o osha letlhakore le go latlhelwang dithaere teng, a bolela fa ditlhotlhomiso di sa kgona go netefatsa se se bakileng molelo oo. O ne a gwetlha makhanselara le badirelapuso ba ba nang le dithata go ema ka dinao ba tshwaragana ka go tsweledisa ditiro le ditlhabololo tsa kgaolo tse di saletseng kwa morago gore kgaolo ya kgalagadi borwa e tle e kgone go tlhabologa. Mme Gorata Rantatana, wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa, a re kgwebo e ya gagwe e bidiwang GORTAH PRINTING e digela ngwaga e ntse e dira ka a e simolodisitse ka kgwedi ya Phukwi ngwaga o o fitileng. Mme Masisi a re go swabisa nko go feta molomo go bona matshelo a santse a latlhega ka bokete jo bo kalo, le mororo puso e ntshitse diritibatsi tse di tsewang mahala. Lepodisi la pharakano mo Letlhakane, Inspector Given Masole o ne a supa fa ba tshwenngwa ke gore badirisi ba dikara tsa ditonki ga ba didirise tsela sentle ba kgweetsa ba iphetisitse dino, gape ba sa golega ditonki sentle, a tlatsa ka go re go dira jalo go ka baka dikotsi. Magakwa a tshetsa bomme Moeteledipele wa kereke ya Keresete Motswedi o supile fa lefelo leo le tshwanetse go tlotlwa thata le gore balatetedi ba kereke eo ba tshwanetse go le obamela le go le dirisa ka tlotlo e e kwa godimo ka dinako tsotlhe. Lemang dijalo tse di siametseng dipaka tsa gompieno A re mo nakong ya gompieno ba khansele-potlana ya Moshupa ba ba thusitse ka go rema sekgwa se se neng se le kwa lebaleng leo. A re one manyalo a a na le seabe go rotloetsa boimana jwa dingwaga tse di ko tlase, thobalano ka dingwaga tse di ko tlase le tse dingwe tse di fatlhang. O rotloeditse bana ba sekole sa Metsibotlhoko gore ba seka ba digela maduo a bomogoloabone kwa tlase, a kopa gore ba a tsholetse go feta a gompieno mo ditlhatlhobong tsa monongwaga. O kaile fa sephatlo sa bana mo sekoleng seo ba ne ba sena ditlhako gotlhelele selo se a reng se tlaa tiisa bana ba sekole seo moko le go feta go tla sekoleng e bile ba na le seriti. A re ntswa dikgwetlho di le teng tse di akaretsang go goga dinao ga batsadi bangwe go tla go saenela bana le go tlhaela ga dibuka mo go felelang go baka gore bana ba di kopanele, ga ba kgobege marapo ka ba ikemiseditse go tokafatsa maduo a sekole seo. Mo mabakeng a pereko a bodirelapuso, mmuso o tlhalosa fa o isitse kwa lekgotleng le le sekasekang dituelo tsa badirela puso la Public Service Barganing Council dikgang tse di amanang le go duela madi a dikadimo a dikoloi le matlo tse di rekilweng ka thulaganyo ya mmuso gore matlo a okelediwe sebaka go tswa mo dingwageng tse di lesome go ya kwa go tse di masome a mabedi, boroko jwa mahala jwa batho b aba direlang kwa metseng ee kgakala le ditlamelo, maranyane a internet a mahala le thulaganyo e e haphegileng ya dikadimo tsa SHHA ya badiri ba dituelo tsa D4 go ya kwa tlase le gore badirelapuso ba letlelelwe go tsena mo dikgwebong. A re gape o betla digo tsa metsi le tse di kgabisang, tse a di dirang ka makgomane a a omeletseng. Boeteledipele jwa rona ke jwa neelano, a re ithuteng go le gontsi mo mabutswapeleng a phathi ya rona, ga bua Rre Balopi. Mongwe wa banni ba Borakalalo Rre Gape Kehaletse, e rile a ntsha la gagwe a buwa fa sekolo sese botlana sa Borakalalo setlhaelelwa ke matlo a borutelo le gore baeletsa gore tsela ee tsamaelang kwa mabilteng e tshelwe senkontere. A re tiro eo, o e simolotse morago ga gore a bone mme mongwe a dira tiro ya mofuta oo mme a nna le kgatlhego ya go ka e dira gore a kgone go itshetsa ka yone. O ne a kgothatsa borre le bomme go tlotlana ka nako tsotlhe go fedisa seemo se. Ba Sepalamoriri ba kgala polao ya masea Mooki go tswa kwa kokelong eo, Mme Kefeletswe Lorekang o tlhaloseditse BOPA gore e ne ya re morago ga gore ba kokoanye madi a a ka tshwarang dikete tse thataro ba tsaya tshwetso ya go phutha setshaba ba se ruta ka dikgang tsa botsogo ga mmogo le malwetse a tlhakanelo dikobo. A re mo nakong eno, kgwebo ya gagwe ee nang le ngwaga di le nne, e sa ntse e sokola ka ga ise e fitlhe fa a batlang e ka nna teng mme a gatelela fa a batla go bona kgwebo ya gagwe e godile e bile e na le mmaraka oo kgotsofatsang. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mmatseta, mme Matsema Segone o lebogetse thulaganyo e e tsweletseng ya go tllhabolola motse oo, ka kgokelo ya motlakase o ba kaileng ba sale ba o letile ga mmogo le tlhomamiso ya ga Kgosi Robert Sebego. Morafe o ntshitse P100 000 go tswa mo letloleng la madi a a abelwang dikgaolo tsa botlhophi go dira ditiro tse ba bonang di le botlhokwa mme di sa akarediwa mo mananeong a ditlhabololo. Morui yo, o tlhalositse fa e ne ya re morago ga dikgwedi tse pedi a sena go simolodisa kgwebo e, dipodi tsa gagwe tsa tsala dipotsane di le lesome le boferabongwe. A re e ne ya re kwa tshimologong kgwebo ya gagwe ya seka ya dira sentle ka ntlha ya go tlhoka mmaraka,mme a seka a itletlelela go fenngwa ke mowa wa boitlhogo. Mogolwane wa mapodisi a kgaolo ya Dibete, Superinterndent Phineas Makwaeba, a re dikotsi tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho le go tlogela ba bangwe ba na le bogole di ka fokotsega fa bakgweetsi ba ka simolola go obamela matshwao a tsela le go emisa go itontela dino fa ba kgweetsa. A re o dumela gore lehuma ga le na go tshamekela mo go ene mme e bile o supile fa rotlhe re tshwanetse ra tsaya boikarabelo jo bo feletseng jwa go leka go thusa puso go lwantsha lehuma. O ne a supa fa ba thusitswe ke puso le ba khamphani ya DEBSWANA gore letsatsi leo le atlege. O ne a re o tshwentswe ke batho ba ba ikokeletsang ditsha, a re go dira jalo ga go ka fa molaong, e bile go kgoreletsa mealo ya metsi le motlakase. Kgosi Monyemana o buile se mo khuduthamageng ya marara a Kgalagadi Bokone e e neng e tshwaretswe mo Hukuntsi maabane. Ditlhopha di le lesome le bosupa di ne di iteisana borathana di ipaakanyetsa makgaola kgang a ai tlang ka malatsi a ga tautona. E ne e le megolokwane kwa kgotleng kgolo ya Mogapinyana bosheng fa banni ba koo ba ne ba amogela dimpho go tswa mo dikomponeng tse di farologanyeng jaaka Pep Holdings, Yarona FM, Ladies Circle le tse dingwe go tswa kwa lerala. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Machaneng mo kgaolong ya Legare bosheng, mogolwane go tswa mo ofising ya banana, metshameko le ngwao kwa Mahalapye, Rre Thulani Caiphas o boletse gore banana ke bone ba bantsi mo lefatsheng leno ka jalo ba amilwe thata ke letlhoko la ditiro, ke ka moo puso e boneng go tshwanela gore e ba thuse ka mananeo a a ka ba ntshang mo mebileng. Mme Lorekang o ne a kaya fa ba roletse ba khansele letlhoko la bone mme ba kaile fa mo nakong ya gompieno go sena madi a a ka agang matlo a borutelo a mangwe fa e se fela gore ba fokotse bana go ba isa kwa dikoleng tse dingwe mo motseng oo ka di le tharo ka palo. Rre Ntwaagae o ne a supa matshwenyego ka ditlhare dingwe di tshwana le sa mokoba se a bolelang fa a sa se bone thata ka se rengwa thata e bile bangwe ba ba agelelang dipolase ba se dirisa thata. E rile banni ba ikuela mo mopalamenteng wa bone mo phuthegong ya kgotla ka Labone ba supa fa kgwedi e kgona go wela ba sena metsi bogolo jang kwa ditsheng tse di beilweng bosheng. Ga go hakgamatse go bona batho ba bapile le tsela ba rekisa dimonamone kgotsa dijo mme motho a ipotse gore fa o batla go reka o rekela mang o tlogela mang le gone gore a dipoelo ke tse di kgotsofatsang kgotsa jang? Kgosi o ne a kopa gore go dirwe seo ka neelano, lerato, tlotlano le go nna seopo sengwe. Le fa go ntse jalo, Rre Motoma o ne a bolela fa a le maswabi go bo go sa ntse go na le malwapa a a nang le ditlhong tsa go ntshetsa ba-na-le-bogole mo pontsheng. Mo go tsa madi, Mme Rantatana a re o itshimololetse kgwebo e ka madi a a tswang mo pateng ya gagwe. Father Mantu o ne a neelwa sebaka sa go abela bangwe ba batho ba ba tlhokileng lesego dimpho go tswa kwa lekgotleng la baruti. O bolela gore e rile morago ga moo, o ne a tlelwa ke mogopolo wa go tshela ka mowa wa bopielego, mme ke fa a tsaya temo ya merogo e e neng e dirwa ke rragwe, Rre Kapena Rapson ka tlhwaafalo. Modise Tshetlhoyagae a re ene o kopa gore baeteledipele ba lephata la metsi ba bidiwe gore ba tle go tlhalosa gore mathata ke eng le gone gore ba tlaa thusa jang go ya pele. Dr Tombale o buile se mo thuto-seka-dipuisanong e e neng e itebagantse le bogodu jwa leruo mme e rulagagantswe ke ba komiti ya twantsho borukutlhi mo Lerala bosheng. Fa pula e nele thata dikoloi tse dinnye di tshwana le mebotorokara ga di kgone go ralala metsi a, mme go kgone go feta dikoloi tse ditona fela, ka jalo mesepele ya batho bao le ditiro tsa bone di a ema, ga bua Kgosi Bampusi. Kgosi David Ramokwena ene o supile fa go le botlhokwa gore go tlhamiwe komiti e e tla gakololang kgosi, a supa fa batla fetwa ke dilo tse di mosola mo kgaolong ya bone. Mopalamente o buile se mo diphuthegong tsa kgotla ko metseng ya Gakgatla le Thamaga Bophirima fa a ne a lekola banni ba kgaolo ya gagwe. Rre Autlwetse yo gape e leng mopalamente wa Serowe bokone e ne e le sebui sa tlotla ka letsatsi la go ipelela le go ntsha dikgafela kwa Moshupa ka Labotlhano. O tsweletse a re ntlha e nngwe e e tshwenyang thata ke boimana jwa kgapetsa-kgapetsa jwa ba ba mo diritibatsing, a re seo se supa fa go na le kgonagalo ya go anamisa mogare ka seo se supa fa batho ba sa dirise tsa itshireletso. Kgosi Charles Bimbo o ne a akgola thata morutabana wa pele Rre Fannuel Mmereki yo e leng mogokgo mo sekoleng se sebotlana sa Werda ka tiro e ntle e a kileng a e supa mo sekoleng seo ka a ne a dira ka natla mo go tlhomamiseng gore maduo a sekole seo a nna botoka. Mo phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya Borakalalo, Rre Khan o ne a fa sekai ka gore Molepolole ga a na lekalana la ditima molelo. A re mogodimo ga moo ba na le letlhoko la dikoloi ka jaana mo nakong eno ba na le dikoloi di le pedi fela tse ba di dirisang go thusa kgaolo yotlhe ya Boteti. O kopile banana go tsena diphuthego tsa kgotla ka bontsi go ithuta tse di buiwang kwa dikgotleng, a re di ka ba ruta go nna le boikarabelo. A re selo se se baka dintwa mo motseng le mo malwapeng tota, ka go sena kagiso fa gare ga batho baa b iphitisang dino kgotsa ditagi. O boletse gore bodiredi jwa kokelwana bo tshwentswe ke dipalo tse di tsweletseng ka go oketsega tsa bomme ba ba imang mme ba sena tse di tlhokegang jaaka diaparo le dikobo tsa bana, melora gareng ga tse dingwe. Ene e rile gole pele Kgosi Sediegeng Kgamane a amogela morafe are ere ntswa dipula tsa ngogola di nele morago ga nako mme ebile dina ka bontsi goa nametsa gore abo ba kgonne go bona sengwe kwa masimo mme ba tlaa ora molelo wa mariga. Rre Gaoforwe o ne a kgothatsa bagwebi go tsena mo dikgwebong tse ba di ratang ka lorato e le lone le le ka ba kgothatsang fa kgwebo e sa dire sentle go na le go dira kgwebo e ba tsayang gore e tlaa tsenya madi ka bonako mme o sena lorato mo go yone. Moithuti yo o gaisitseng o ne gape a ikgapela dikete tse pedi tsa dipula, fa ba ba tsereng A, ba filwe makgolo a matlhano mongwe le mongwe gammogo le megala ya letheka go tswa gone kwa Mascom. Go ntse go le foo, o akgotse puso go tswelela ka go loga maano a go thusa Batswana gore ba inoge mo lehumeng mme a kgothatsa banana go itsolopanya go ikopela mananeo a tshwana le Youth Development Fund go itshimololela dikgwebo. Maranyane a ka tokafatsa maitemogelo Modiro o, o ne o rulagantswe ke moemedi wa lefatshe la Botswana kwa South Africa le mafatshe a mangwe, Rre Zenene Sinombe. Ke nnile modulasetilo wa PTA kwa sekoleng sa Boitshoko lebaka la dingwaga tse di lesome le botlhano go fitlhelela ke ithola marapo, ke bo ke tsena mo maemong a gompieno. Moithuti wa pele wa sekole seo Maipelo Raselepe, o supile fa ba ne ba bereka ka natla ba sa kgothakgothwe, a supa gore e sa le e re go tloga ka mophato wa bobedi maduo a bone a bo a sa itumedise, mme e rile fa ba dira lekwalo la bosupa ba itoma molomo wa tlase. Balemi ba ka itlhophela gore ba adime bagwebi ba batona baba ka kgonang go lema gore ba leme mme bone e le beng ba masimo ba atswiwe kebagwebi bao ba ntse ko malwapeng go na le gore ba nne le dikgwa tse ba sa dilemeng. O ne gape a gwetlha badiredi bao go dirisanya sentle le molaodi yo mosha, Mme Utlwanang Kerekang. Mme Kgotlaetsile a re kgwebo e tsweletse sentle ka a setse a kgonne go ithekela setsha le go reka khombi e a e hirisang mo meletlong e tshwana le manyalo ka madi a dipoelo. Mme Kesekang o ne a fa a gakolotse banana ba ba nang le keletso ya go simolola dikgwebo ka lenaneo la banana gore ba kope dikgakololo pele ga ba ka simolola. Kgosi o tshwenngwa ke dikiteo Mme Masisi o ne a gwetlha banana go utlwa batsadi le go tsena dikereke gore ba kgone go fapoga dihawa tse di okameng lefatshe. Ba ba neng ba itlhatlhobela madi a matona, sukiri le go bona bokete kana seemo sa mmele (Body Mass Index) ba ne ba nna 94. Ke ne ka sala ka dipudi di supa mme mo nakong eno di atile fela thata. Modulasetilo Solomon a re ke sone se neng sa ba gwetlha go tsosolosa komiti ya bone e e neng ya tlhamiwa ka kgwedi ya Phatwe monongwaga. Ba ditlhabololo tsa motse ba kopa thotloetso mo maphateng Moeteledipele wa kereke ya Keresete Motswedi Catholic, Bishop Valentine Seane o kopile balatedi ba kereke eo mo Kgalagadi Borwa ggo rapela ka thapelo e le yone makgonatshotlhe mo tharabololong ya dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo botshelong. O tlhalositse fa a eletsa gore a thapiwe a bo a duelwa kgwedi le kgwedi gore a kgone go tlhabolola botshelo jwa lelwapa la gagwe e seng tiro ya nakwana jaaka go direga mo nakong eno. Kgosi Kgari III o tlhalositse gore, ke gwetlhilwe thata ke maduo a sekolo se segolwane sa Kgari Sechele a tswang kgakala a sa tokafale. Rre Seloka a re molapo wa Sampopela o setse o epegile mo e setseng ele noka. O bile a kopa bareki go tshwara madi ka kelotlhoko go itsa go oka dirukutlhi. E ne e rile go le pele mopalamente Rre Moremi a ba itsise ka melawana mengwe e e botlhokwa e a neng a bolela fa a bona e ka ba sologela molemo kwa Ngamiland. A re o lemogile fa go na le phetogo e ntsi fela thata ka dikgang tsa dintwa le bogodu ja leruo di ile ko tlase mo tikologong ya moraka wa bone. Modulasetilo mogolo o ne a tswelela ka go kaya fa ba ne ba ama gape dikgang di tshwana le go ruta banni ba metse eo ka kgokgontso ya bomme le bana, malwapa aa thubegang ,tsa tlhakanelo dikobo,le tse dingwe. E rile a bua kwa mogwantong wa dikhilomethara tse masome mabedi, o o neng o rulagantswe ke kereke ya UCCSA kwa Lentsweletau, Col Motlalekgosi a bolela fa maikaelelo a tshwetso ya bone e tlaa bo e le go fokotsa ketsaetsego le go abalana kitso ka dikotlhao. A re tsamaiso ya batho ka batho e rotloediwa ke tlhopho ya batho mme fa tlhopho e seyo puso ya batho ka batho ga e na boleng. O tlhagisitse setshaba go nna kelotlhoko mo thulaganyong ya tiriso ya maranayane go re ba seka ba iphitlhela ba tsene ka dikgoro tsa dikgolegelo ka ntlha ya boitshwaro jo sa amogelesegeng. O tlhalositse ka kgolo ya kereke le tshwaragano e e renang fa gare ga phuthego le moruti wa bone. Rre Sesinyi gape o tlhagisitse batsadi go ela bana ba bone tlhoko ka malatsi ao go tlhomamisa gore ba babalesegile. O ne a ba itsese fa palamente e fetisitse molao-kakanyetso wa dikatso tsa ba ba tlaa angwang ke diphologolo kwa masimo. Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse o latotse gotlhelele mabarebare a a reng tshekatsheko ya nyeletso lehuma e leba gore baikopedi ba na le matlo a sebopego se fe gore ba atlege mo lenaneong leo. E re le ntswa go dirisiwa methale e e farologanyeng go isa melaetsa kwa Batswaneng, Rre Ramaabya o supa fa dikgang tsa bogodu jwa leruo di tsere phekelo e sele ka di oketsega ka lebelo le le kwa godimo. Khan o ngongoregela ditlhabololo A re monate wa go rua dipudi ke gore di bogadi bo gaufi mme a supa fa a raletse dikgwetlho ka a simolotse kgwebo a sena maitemogelo a yone. A re go simolola kgwebo eo go ne go se motlhofo, mme ka a ne a na le maitlamo, a seka a ipona tsapa, a tlhalosa fa a ne a rekisa ka keribane. Maiteko a puso a a bonala Re ne re babalelwa ke madi a a rekang dijo mo marekisetsong jaanong re batla go itshetsa ka dijo tse re di lemang kwa masimonga tlhalosa. O ne a re go lebane gore ka fa maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse a tshwarwang ka teng, e nne fela jaaka ba dikomiti tsa batsadi le barutabana le bone ba tshwarwang ka teng. A re bana ba ba sa apareng paka ya sekole e e feletseng ba itemoga fa ba le pharologanyo le ba bangwe, mme se se ka ba utlwisa botlhoko mme se ame maduo a bone. O ile a supa fa ba thusa dikgwebo tse e leng gore ga di na madi a go reka dithoto fa ba bone dithendara, e le karolo fela ya bontsi jwa mananeo a bone. Erile a aba dimpho tseo Rre Patrick Oats a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go supa lorato le boutlwelobotlhoko mo go bone. Rre Kaboeamodimo a re go setse go rotswe matlo a lenaneo le a le makgolo a marataro le masome a mararo le borobabongwe fa a le masome a mararo le bobedi a sa ntse a agiwa, a robabongwe one a fedile. A re beke eo e direletswe gore ka nako e go senang motlakase, moithuti a seka a tlhoka go dira tiro ya sekole. E ne yare morago le ene a fa ba Mogapi le Mogapinyana dikobo di le lesome le kolotsana ya ba-na- le bogole motse mongwe le mongwe, fa kwa Mogapi a ntshitse P5 00.00 ele seabe sa kago ya lebala la setlhopha sa kgwele ya dinao sa Terrors. A re o ne a ithuta go loga dime,ditoropo le go dira ditilo tsa dikgole rraagwe a sa le botshelong. Barui bangwe ba dikoko le bone ba senyegetswe fela thata morago ga pula e ya selekanyo sa dimmilimithara tse 219. A re ba lemogile gore bontsi jwa dikotsi tseo di ama banana thata a tlhalosa fa dipalo tsa bagolo di le ko tlase a supa fa bone ba amiwa thata ke go thulwa ke dikoloi thata. Kgosi Maforaga, yo o neng a amogana ditso tsa Palapye le morafe le badiri ba seromamowa ba e neng e le baeng kwa kgotleng ya gagwe, o ne a tlhalosetsa morafe ka lefelo la sekole se sebotlana sa Central, a re golo foo e ne e le lefelo la kgaso ka dingwaga tsa ntwa ya lefatshe ya ntlha (First World War), le dirisiwa ke ba British Broadcasting Corporation (BBC). Rre Molatlhegi o tlhaloseditse banni fa go tlaa nna le madi a ditiro tsa morafe a a tlhabololang mo metseng, a morafe o ka a dirisetsang ditlhabololo tse ba di batlang. Kgosi Nkgageng o ntshitse matshwenyego a mo potsolotsong le BOPA bosheng, a supa fa dikgang tsa go thujwa ga matlo go tsentse tsebetsebe mo banning le mapodisi. Go begilwe fa mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le boraro le monna wa dingwaga tse di masome mabedi le bone ba kgotla ya Ntswaneng kwa Mochudi ba ne ba kgothosiwa ke banna ba le bane ka Tshipi ka nako ya bobedi mo mosong. O galaleditse UCCSA go phutha baphuthegi ba yone ka ba ne ba sena fa ba obamelang teng mo lebakeng le leleele. O supile fa kgaolo ya Kweneng e setse e kwadisitse ditsha di le masome a mabedi le borataro mo lekgolong, mme kwadiso ditsha e ya bokhutlong kgwedi eno e fela. O tsweletse a supa gore botshelo bo thata mo kgotlaneng ya gagwe ka jalo go ne go se motlhofo gore mongwe o ka bona madi a go emeletsa ntlwana ya boitiketso. E rile a ntsha la gagwe, mokhanselara yo o ithophetsweng Rre Macdonald Peloetletse o ne a lebogela pego ya ga Rratoropo a re e bua ka dilo tse di diragalang e bile di ama toropokgolo ka karetso. Fa a bua ka tiro ya letsatsi, Kgosi Nkgageng o supile fa a eletsa gore dithapelo tsa pula ga mmogo le ditebogo di tswelele le mo nakong e e tlang ka jaana ba setse ba bone maduo a tsone. Ba ngongorega ka tiego ya ditlamelo O ne a fa sekai sa go re fa mosadi a nyalwa, go ntshiwa kgomo ya patlo, mme go ntshiwe le dikgomo tsa bogadi, selo se fa se dirwa kgapetsakgapetsa e nna tlwaelo, e bo e nna mokgwa kwa bofelong se bidiwe ngwao. Rre Mokgothu o tlhalositse fa batsadi ba kgona go kgalemelela bana gore ba seka ba dira dilo tse di sa siamang jaaka go apara diaparo ba di tlhanolotse, a supa fa se se dira gore bana bao ba gole ba na le tlwaelo e e siameng. O ne a tlhalosa fa batho ba tshwanela go itse fa ‘kgosi e le kgosi ka morafe wa yone, ka jalo go le botlhokwa gore batho fa ba tsena mo kgaolong ba ithute tsamaiso mo beng-gae. Mokhanselara wa Salajwe Rre Lopang Sebutlenyane, o ne a lela ka bothata jwa gangwe le gape jwa go tlhoka maiteko a a dirwang go tokafatsa seemo sa tsela ya Letlhakeng/Salajwe e a supanag e tswa kgakala e le matshwenyego a kgaolo eo. Re ntse re le foo, o ne a gwetlha balemi-barui go inaakanya le temo-thuo gore ba itse botlhokwa jwa yone mo go direng dijo. Mmakaseterata Odirile Mokgatle o ne a laela gore basekisiwa ba letele tsheko kwa ntle ga kgolegelo mme mongwe le mongwe a itlame ka dikete tsa dipula di le tharo gammogo le go tsisa batho ba le babedi ba ba tlaa itlamang ka sekete le sephatlo mongwe le mongwe. O ne gape a tlhalosa sa fa ba dule ka maano a baka itirelang madi ka one ,mme ba buisana le kompone ya BTC gore ba phepafatse dithawara (Tower)tsa bone, kopo ya bone ene ya atega ,a supa fa ba duela P6000 go phepafatsa ya Makgaba,ya Mokubilo yone ele P2500 a bolela fa ba kopile gape mo go ba Mascom le Bofnet le ba lephata la ditsela go ba fa sekgele sa dikilomethara di le masome a mane(40km) mme ba santse ba letetse phetolo. Father Mantu a re e le ba lekgotla la baruti ba ne ba tsena ntlo le ntlwana ba kopela batho ba ba tlhokileng lesego mme ba bona dikobo di fera bongwe le kolotsana e e dirisiwang ke ba-na-le bogole. Rre Mochanang o ne a rotloetsa banni go dirisa lenaneo le ka le ntsha maduo a a bonalang e bile le thusa ka go tlhama mebereko mo motseng. Tautona Khama a re ba supile fa banana ba tlhokometswe ka mananeo a bone mme bone ga gona sepe se ba ka ithusang ka sone. O ne a tswelela a tlhalosa gore e le ba sepodisi sa Lobatse ba malala a laotswe go netefatsa gore baagi ba Lobatse ba tswelelela ba babalesegile. A re yo o tlhabilweng thobega le yo o neng a dira ba ne ba sa tshwanela go leba kwa morago fa ba boela lwapeng go tswa kwa lefelong le go neng go dirwa thobega teng, e bile ba ne ba sa tshwanela go bolelela kgotsa go supegetsa ope fa go diretsweng teng. Tse dingwe tse a buileng a sa kgale mathe ganong fa di rotloetsa kgokgontsho ke ditumelo,ditiro le ditlwaelo dingwe tsa ngwao di dirisiwa jaaka seipato go kgokgontsha ba bangwe, go iphetisa majalwa le ditagi,go sa itse ditshwanelo tsa bone ga ba ba amegang,go dumela gore ga gona molato fa rre a mo tsietsa le go ineela mo kgokgontshong ga bomme,bobelotshetlha le dikakanyo tse e seng tsone mabapi le lenyalo le go ntshiwa ga bogadi le tse dingwe. A re bana ka bontsi ba ela sekoleng go thuba dikago, go goga motokwane le go tsena dikereke tse gotweng ke tsa ga saatane. A re gape mokgatlho o tlaa nna o kopanya ba-na-le-bogole mo lefelong le le lengwe gore ba kgone go itumela mmogo le go bua ka tse ba kopanang natso tsatsi le letsatsi mo botshelong. Fa a itebaganya le lekgotla la banana la Mogapinyana, o tlhalositse fa go le botlhokwa go itse gore le phutlhamisitswe ke eng le gone gore le ka tsosiwa jang go simolola tiro e ntle e le neng le e dira ya go tlhamela banana ditiro. O supile fa dipalo tsa tiriso ya bana mo go tsa tlhakanelo dikobo di le ko tlase mme fela dika fedisiwa gotlhelele fela fa batsaya karolo botlhe ba ka dita seabe sa bone, e seka ya nna kgang ya mapodise fela. Baruti ka go farologana ba ne ba rapelela meletlo e, mme ba supa gore jaaka e le lesedi la lefatshe ba tshwanetse ba ema ba le seopo sengwe go itebaganya le dikgwetlho tse gore ditiro tse tsotlhe di atlege. O ne a supa fa ba sa tshwanela go belaela bokgoni jwa bone go ka lema sonobolomo ka go se dingalo e bile e sa tlhoke metsi a mantsi. Ba ba tlaa okelediwang ba akaretsa ba sesole sa Botswana, ba Sepodisi, ba Malomatsebe a mmuso, badiri ba lekalana la tshenyetso sechaba le go gopela Itsholelo le bagolwane ba puso. Rre Monyadiwa o ikuetse mo setshabeng le mo dikomponeng ka go farologana go thusa ka sengwe le sengwe se ba nang le sone go tsweledisa go aga matlwana a mangwe kwa Metsiaela ka mo go dirilweng go ise go lekane. A re selo se se tlaa dirang gore kgwebo ya gagwe e gole ke gore ga a a tsena mo kgwebong a re o batla go dira madi mme o tsene ka maikaelelo a go tokafatsa boleng jwa dilwana ka a dumela gore boleng jwa dilwana jo bo kwa godimo le go nna pharologanyo go tlaa mo ngokela bareki fa go ntse go ya. A re go aba go supa mowa wa lerato le neelano. A re setshaba se emise dikgang tse di tshwanang le gore dilo tsa lelwapa la ga mmasemangmang ga di nkame. Mo nakong eno, o tlhalositse fa a santse a kgaratlha ka go rekisa mo mebileng mme o bolela fa a le mo dipuisanong le mabenkele a magolo go ka isa dithoto tsa gagwe teng. Lorato ke lone pheko A re gangwe le gape, e a re morago ga maitiso go nne le go rumulana mme go felele go lolwe, selo se a reng ga se age motse. Fa a bua mo kgaisanong ya dijo e e neng e tshwaretswe ko kgotleng ya Tidimalo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya dikgaolwana tse, Rre Gareutwane Semente a re ba bone go tshwanela gore ba tle ka maano a a ka tsisang madi mo letloleng la bone. A re go le gantsi dikgwebo tse di phunyeletsang ke tse di simolotseng di gwetlhilwe ke lorato mo mogwebing ka maikaeleloo a go intsha bodutu mme e re di fetogela mo go ka nneng kgwebo di kgone go itshetlela mo dikgwetlhong tse di di ralalang. Rre Boko o ne a re phathi e e busang e palelwa ke ditharabololo tsa malwetse ka bontsi ka go na le letlhoko la dingaka, dintsho tsa bana ba ba tsholwang le bomme ba ba belegang di ile magoletsa. Fa a leboga, modulasetilo wa lekgotla la baruti la Kanye, Moruti Koolopile Pema o ne a re e le ba lekgotla la baruti ba ikaeletse go dira le bodirelapuso jo bo mo motseng. E rile fa a mo kgwa dikgaba, mokwaledi wa lephata leo Mme Dorcus Mokete o gakolotse fa go tlhokega setlankana sa peo, Omang o o mo tirisong le mokwalo ope fela o o ka thusang kabo ditsha go netefatsa peo. Rre Makgalemele o boletse fa itsholelo e supa matlhasedi a go tokafala, ke ka moo dingwe tse puso e neng e di seegetse fa thoko di tla a simololwa go dirwa ka bonya ka bonya. Go bolelwa fa go tlhamiwa ga lenaneo la Youth Development Fund (YDF) le le itebagantseng le go thusa banana ka madi gore ba itshimololele dikgwebo, go tokafaditse matshelo a banana ba le bantsi ka go ba ntsha mo lehumeng la letlhoko la ditiro. Rre Chepete a re o bulegetse go ruta mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego ya go tsena mo kgwebong e e tshwanang le ya gagwe. A re o simolotse kgwebo go le thata ya lentswe mme ka thotloetso ya ditsala tsa gagwe a seka a ineela. O tlhalositse gore BDP e tsamaisitse Batswana tshipidi tonto mo mabakeng a a thata, go fitlhela Botswana a fatlhoga mo lehumeng. O tlhalositse gore fa motho a batla go nna modiredi wa dikompone tsa go nna jaana ke gore a bo a dirile dithuto tsa maranyane, ka jalo a kgothatsa bana ba basetsana go tlhagelela thata mo go direng ka tsa maranyane. Mopalamente wa Serowe Borwa, Dr Pelonomi Venson-Moitoi, a re ga a na go emela ditlhopho tsa 2019. O gakolotse banni go phuthologa fa ba tsena ko dikokelong, a re ba kaye malwetse a bone sentle ba sa fithe sepe ka a re go dira jalo ba tlaa fiwa thuso e e maleba.Erile fa ba ntsha matshwenyego a bone, banni ba Sehunou ba ledile ka go bona ditlamelo tsa botsogo bokgakaleng, ba re gore ba bone dithuso tsa bongaka ke gore ba tseye mosepele ba ye Motshegaletau ko kokelong ya Russel May. O ne a tlhalosetsa komiti ya ditlhabololo tsa motse fa go le mo maruding a bone go netefatsa fa kgotla ya motse e nna ele phepa ka nako tsotlhe, bogolo jang ka ele yone e baeng ba gorogelang teng. Mongwe wa batsadi, Mme Keletshabile Gobotswang a re fa kgokgontsho e simolola go nna teng mo bathong, go a bo go supa gore ga go na lorato gareng ga bone. Banni ba ba amegileng ba filwe ditsha mo lefelong le le emang metsi mme seo se amilwe matlo a bone. Fa a amogela baeng, mogokgo wa sekole sa Goshwe, Rre Bikani Bengane o ne a bolela fa ba kile ba nna le kgwetlho ya go ntsifatsa dipampiri mo baithuti ba feletseng ba sa kwale ditlhatlhobo ka nako eo. Ba re e re ka tiro ya bone e ya bokhutlong, ba bone go le maleba go tlhalosetsa setshaba gore ba malwapa a bone a ka tswang a amilwe ke tiro eo, mme ba sa phimolwa keledi ba ikopanye le bone pele ga khamphani e huduga. Thuto-puisano eo e ne e tsenwe ke dikgosi, baduladitilo le bakwaledi ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le makhanselara.A re kwelo tlase ya itsholelo ke yone e e diang ditlhabololo tse puso e ikemiseditseng go di dira. A re ba tshwengwa ke dikgalo tsa morafe go re ba rotloetsa go ipewa ga lefatshe ka go diegela go aba ditsha, mme a tlhalosa fa tiego e rotloetswa ke bontsi jwa dikgang tse di emeng lekgotla pele ka jaana di tlhoka go seka-sekwa mo go tseneletseng pele di ka tseelwa ditshwetso. Rre Moribame a re mananeo a go tlhabolola matshelo jaaka la ipelegeng, la banana la Youth Development Fund, LIMID le la nyeletso lehuma le one a gatetse pele. Rre Lucas Ditsele yo o dingwaga tse di masome a marataro le borataro, ebile a itsege thata ka lena la Rra Mompoloki o sala a simolola temo ya nosetso ya merogo ka ngwaga wa 1988. Bomme ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba kgothaditswe go tswelela ba tshwere ka thata mo dikgwebong tsa bone ka jaana malwapa a le mantsi mo Botswana a eteletswe pele ke bone. Modulasetilo o ne a tlhalosa fa bangwe ba sa tlhabolole ditsha tsa bone mo lebakeng le le beilweng, a re seo ke tlolo molao le boferefere ka batho bangwe ba rekisa ditsha tse di sa tlhabololwang. Banni ba Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba lebogetse puso go bo e tsweletse ka go itebaganya le dikgwetlho tse di akaretsang letlhoko la ditiro, go nyeletsa lehuma le go tswa ka mananeo a a itebagantseng le banana. Kgosi a re go a kgatlhisa go bona bangwe ba ba neng ba tshelela mo lehumeng ba gatetse pele ba santse ba tshwere ba tshegeditse mananeo. O ne a ba lekola le go bona fa ba berekelang teng le go utlwa matshwenyego a bone a bo a ba kgothatsa go fetola maikutlo ka fa bantse ba bereka ka teng, ba ntshe megopolo e ka yone baka thusang puso go thusa Batswana. Rre Thamane o buile ka lenaneo la banana le a supileng fa le tokafaditse melawana yotlhe ka fa ba ka kgonang ka teng. Ba Gweta ba akgola Batshu Go sale foo dikgosana tsa Kgalagadi Bokone di kopile go agelwa dioffisi tse ba ka berekelang mo go tsone, le go tshwarela diphuthego tsa dikgotlana teng. Mo ditlhatlhobong tsa mophato wa boraro, a re kgaolo ya Bokone Botlhaba e ne ya bona maemo a bobedi mo lefatsheng leno lotlhe, ka e fentse ka masome a mane le boferabobedi fa go tshwantshanngwa le masome a mane le bone le sephatlo mo ngwageng wa 2016. O tlhalositse gape gore tsela eo e tlhoka go bulwa gore e nne kgolwanyane ka gore diphologolo di okwa ke sekgwa. O gateletse gape gore ba tshwanetse go lebogela seabe se puso e se dirang go tlhabolola matshelo a Batswana ka go ba fa dipeo le go ba lemela mahala. Modulasetilo wa khansele ya legare Rre Peter Williams o ne a rotloetsa dikhansele tse dingwe go tsaya malebela mo khanseleng ya legare. Mokgatlho o wa Mosadi o ruta Mosadi, madirelo a teng a nanakwana a mo Mmolepolole Cummuniy Center. O ne a kgothatsa morafe go ithuta pina ya setshaba gore ba tle ba e opele sentle ka letsatsi la boipuso. Fela Tona Ngaka o ne a tlhalosa fa mathata a tlhaelo ya bodiredi a bakwa ke gore go santse go sena diphatlha mme a matshwenyego a mangwe one o tlaa a sala morago le fa gone a se kake a arabiwa ka nako e le nngwe. Mme mokwatla wa setshaba Rre Luka a re ke nako gore banana ba ikemele ka dinao, go netefatsa gore bokamoso jwa bone e nna jo bo faphegileng. Le fa batho bangwe mo diphuthegong tseo go lebega ba ne ba le kgatlhanong le mogopolo waga kgosi wa gore ditiro tsotlhe tsa boipuso jwa monogwaga di ya go tshwarelwa mo kgotleng e tona, bontsi jwa batho ba supile fa ba dumelana le mgopolo wa ga Kgosi Segotsi gore dijo le tsone di jelwe mo kgotleng e tona e seng mo dikgotlaneng jaaka go ntse go dirwa mo dingwageng tse di fetileng Bagodi ke teemane O tlhalositse fa ba ka bona dituelo tse di lebaneng fela fa ba fetisa dikgomo ka matlhabelo. Leswana le letona o le rekisa P5 mme o kaile fa bareki ba gagwe ba ne ba mo rotloetsa go apaya borotho jwa magala gore ba shabele ka morogo. O boletse fa a tshwanelwa ke go dirisa dipoelo tse dingwe go reka didirisiwa, mme a re ka didirisiwa tse di bonwa kgakala, o felela a di reka boturu, selo se a reng ke poelo morago. Mongwe wa ba ba neng ba laleditswe mo dithuto puisanong tseo mogolwane go tswa mo lekalaneng la MVA Mme Tebogo Robertts o ne a tlhalosa mo go tseneletseng ka maikaelelo le maitlamo a supa fa lekalana la bone le itebagantse le go tlhomamisa gore mongwe le mongwe yo o amegang mo dikotsing tsa tsela fa a gobetse ba mo thusa ka tsa bongaka ka na tsa phitlho. Letsholo la twantsho bogodu jwa leruo le simolodisitswe Spt Mogatsaseno a re ba patorola mekgwatlha yotlhe e e ka nnang borai mo matshelong a batho bosigo le motshegare. Lephata la bong kwa Kanye le ntshitse P2 million go rotloetsa dikgwebo tse di potlana di le lesome le bobedi. Ke lo kopa ka tsweetswee gore lo tsoseng diterata lo disetseng mo merakeng e seng mo motseng ka loruo lwa lona lo senyetsa ba bangwe, ga bua Kgosi Malope. O tsweletse ka go kopa morafe go thusa mo kokoanyong ya madi a a agang leobo le ka le tsile go tlotlomatsa leina la motse wa bone ga mmogo le go tsisa ditlhabololo le tokafatso ditirelo. Ba Mosinki ba lebogela thuto ya bana Leloko la Re a Nyalana, Mme Annah Morwaagole a re maikaelelo a mokgatlho oo ke go rotloetsa batho ba ba sa bolong go nna mmogo ba sa nyalana go nyalana ka fa molaong le go thusa ka ditsompelo gore batho ba go nna jalo ba diragatse dikeletso tsa bone ka fa molaong. Mothusa molemisi wa twantsho diji le mhero kwa Letlhakeng, Rre Shima Ntheetsang, o tlhalositse seo mo thuto-puisanong bosheng, e e neng e tseneletswe ke balemi ba motse wa Takatokwane go ba rutuntsha ka tiriso le tlhokomelo ya ditshefi. Bogodu jwa dijojo kwa Disaneng bo ile magoletsa Mo go tse dingwe, Rre Keatlholetswe a re ba dira se gore bakgweetsi jaaka badirisi ba tsela ba kgone go fema dikotsi mo toropong mme baithuti bone ba kgone go bona gore ba tlola fa kae go bonala ka matshwao. Le fa gontse jalo, Moruti Boemo o tlhalositse gore mme fa motho a setse a kile a tlhakanela dikobo kwa ntle ga lenyalo, o ka ikgolola mo meweng e e maswe ka go ineela mo tumelong le go kopa dithapelo mo baruting go mo golola mo meweng e e sa siamang eo. A re ba itlhatlhobele mogare ba bo ba rotloetse ba masika le ditsala gore ba ba amegileng ba tle ba tsene mo lenaneong la diritibatsi. Ba buile se fa mopalamente wa kgaolo, Rre Shawn Ntlhaile a buisa phuthego kwa motseng oo bosheng. Ba ne ba supa fa mo nakong ya gompieno ba tshwarela diphuthego ka fa tlase ga ditlhare tse di mo kgotleng. Tota re tshela fela ka go kolotisa. Mmino bokamoso jwa banana Seretse Khama Ian Khama a re o leboga bagolo ba lefatshe leno ka ba dirile go le gontsi gore lefatshe leno e nne se e leng sone. A re se se tlaa dira gore go lengwe mo nakong e khutshwaneka pula e na e le nnye mme bokgola le jone bo nyelela ka bonako. O kopile batsadi go amogela le go thusa bana go tlhokomela dibeke tseo, a supa gore lemme ga le bolae go bolaya lesolo, ka jalo ba amogele ka atla tsoo-pedi. O ne a gwetlha batsadi go tshwaraganela kgang eo le barutabana le go leka go kgalemela bana le go ba sedimosetsa ka bodiphatsa jwa bolwetse joo le ditlamorago tsa go tlhakanela dikobo ba sale bannyenyane. O ne gape a re kgang ya dituelo e tlaa bo e dirwa kwa Letlhakane. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng e bile e le mokhanselara wa kgaolo ya Takatokwane/Dutlwe, Rre Tlotlo Batlhophi, o ne a supa fa lengwe la mabaka a gore makoa a bo a le mantsi eb le gore batho ga ba itshidile. O boletse gape fa go sena ditlhabololo dipe tse di dirwang mo kgaolong ya bone ka lenaneo la NDP10 a tlhalosa fa puso e tsere tshwetso go aga borogo jwa Thamalakane ka bo diriswa ke dikoloi tse ditona tse di tswang kwa dimaeneng. Rre Nakedi o kopile mopalamente gore a tle a tlhophe mokhanselara mo kgaolong ya bone fa a ka boela ka ditlhopho tsa 2014 gore dilelo tsa bone di reediwe botoka. Rre Tshitoeng a re ga se ka botlhale jwa ga ope gore lefatshe la Botswana le bo le rena ka kutlwano le kagiso, a tlhalosa fa ba tshwanetse go itse gore Modimo ke one o dirileng gore go bo go kgatlhisa go bona ka fa Batswana ba tshelang ka teng. Kwa letsatsing leo go ne ga supegediwa banni mananeo a a farologaneng le go thusiwa le bontshiwa go tsenya manyena a dikgomo. Mokwaledi o akgola badiri Ntswa tiro e ekare e a nyelela, Batswana bangwe ba santse ba e tshwere e bile ba ipela ka yone. A re bangwe ba kgona go tshela leokwane mo diterekereng mme fa ba tshwanetse go tsena gautshwne go lema ba tsamaya sekgala se seleele ba ya go lemela ba masimo a a kgakala ba bo ba lela ka leokwane. A re ere ntswa go na le taelo ya ga tautona ya go abela bana ba masimo kwa dikgaolong tsa Kgaphamadi, Gosethebe, Kodibana le Tlape, dikgang tsa go ipelaetsa ka masimo ga bangwe go kgoreletsa go fefoga ga thulaganyo eo. Mogolwane go tswa kwa lephateng la tsa pereko le selegae molekalaneng la bong, CarolineOkello-Wengi, a re kereke e, e diragaditse supile maikemisetso a go thusa ba A re dikereketse mofuta o, di mosola thata ka di thusana le puso go leka go tokafatsa seemo sabotshelo ka puso ka bonosi e ka se kgone. O tsweletse a supa gape gore palamente e ne ya dira molao o mongwe wa borukhuthi jwa maranyane, mme o akaretse ba ba tlhapaolang ba bangwe ka maranyane a Facebook. O ne a tlhalosa fa sekole seo se butswe ka ngwaga wa 1985 mme go supegetse fa maduo a lekwalo la bosupa a simologile go wela kwa tlase ka ngogola se dirile 34 per cent. O kopile bana ba batsadi ba bone ba abelwang matlo go a tlhokomela ka kitso ya gore ke matlo a batsadi ba bone. Moeteledipele o tshwanetse go itshepha Mma Segomotso a re gape o kgona go tlhakanya tshetlho le dikelekese (maungo a setlhare sa mokala a a ratwang bobe ke dihutsane) le letswai mme e nne le tatso e e tshwanang le furu e e rekwang mo pusong. Rre Monyadiwa a re ba ba agetsweng pele ba akaretsa batlhoki, bagodi le ba- nale-bogole. Monni wa Goshwe mo kgaolong-potlana ya Tutume, Rre Moffat Mabutho o abetse sekole sa Goshwe motshine o o ntsifatsang dipampiri gape o kgona go romela le go amogela melaetsa. A re moono wa monongwa o o reng ‘Re batla boeteledipele mo go emiseng kanamo ya kgotlholo e tona, le wena o ka dira ditso go emisa kgotlholo e tona’, o gwetlha ope yo o ka tswang a le moeteledipele fa a leng teng go ema ka dinao go lwantsha TB, a kaya fa maikaelo a lephata la botsogo le boitekanelo e le go bona ka ngwaga wa 2035 TB E re ka jaana go lemosegile fa gantsi TB le mogare wa HIV e le di ya thoteng di bapile, Mme Mandevu o boletse fa puso e dirile maiteko a a bonalang go tsibogela malwetse oo-mabedi, a re thulaganyo e mo go yone ope yo o tshwarwang ka mogare wa HIV a akarediwang mo kalafing ya diritibatsi gone foo, e thusa go fokotsa TB. O supile fa monongwaga ba ise ba itemogele dikgang dipe tsa dipolaano, dipetelelo ba gatisitse dile tharo tiriso ya bana ba bannye mo go tsa tlhakanelo tsa dikobo le tsone ba gatisitse dile tharo. Banni ba Medie kwa kgaolong ya Kweneng ba ngongorega ka gore lephata la kabo ditsha le diega go ba baya ditsha tsa masimo. A re puso e batla tharabololo mo kgannyeng ya kwelo tlase yatemo mo lefatsheng mme e sekaseka megopolo e mebedi e balemi ba ka ikgethelangfa ba sa tlhole ba na le bokgoni ja go ka a lema. O supile gore se se makatsang ke gore bana bao ba ne ba sena tlhong go bua ditiro tsa bone fa pele ga batsadi. Rre Senai o supile fa go le turu go katolosa ditlamelo tsa kanamiso ya metsi, ka jalo a kopa kemonokeng ya Batswana go tlhokomela didirisiwa tsa kanamiso ya metsi ka gore tshenyo ya tsone e ka oketsa tlhaelo ya metsi. A re nako tse dingwe ba phutha badiragatsi kwa metseng gore ba tle go opelela bana le go ba ruta gore ba letsa jang, a re ka nako tse dingwe ba tsaya loeto jaaka go etela ko lefelong la diphologolo la Khama Rhino, mme koo ba tseye dikgang le go ba fa dikgakololo gore ba ikgaphe mo dilong tse di maswe jaaka go nwa majalwa, go tshaba sekole le go tlhakanela dikobo. Kopo e, e dirilwe ke molemisi wa koo, Rre Sylvester Tsheole, mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso ka Labotlhano. Kgang eo ya tshimolodiso lenaneo e ne ya buisanngwa ka lobaka mme ya wela ka gore go simololwe gone jaana, go na le go simolola setlha se se tlang ka seo se ka baya batsadi ka fa mosing wa gore ba bo ba lebetse se ba se rutilweng. A re le ntswa tiro ya go bopa e le boteke o solofela gore mo dingwageng tse di tlang e bo e godile a dira dilo tsa go bopa di le dintsi ebile e le tsa mefuta e e farologanyeng. A bana ba nne phepa - Mogokgo Mme Thembi Mugonzo yoo tsamaisang semausu, a rekisa magwinya, ditapole le tse dingwe tsa kapei, o tlhalosa fa kgorogo ya lebentlele le ele tlhabololo e ba sa bolong go e emela e le bagwebi ba babotlana mo Liquor Shopping Complex.. Gompieno ga go kgonege go dira jalo gompieno ka jaana rotlhe re makgatlhanela thapong mo go ka sekeng go botswe gore yo ke ngwana wa ga mang. Pele ga oura ya borataro mo mosong ka malatsi a go theogelwang ka one, mme yo o a bo a setse a butse semausu sa gagwe sa dijo, dijo di siame di letile go rekiwa fela. A re tumelo ga e motlhofo mme e batla ole pelotelele mo go tshepheng Modimo le ditiro tsa gagwe. Maitseanape mo go tsa boranyane, Rre Sewelo Fani o tlhalositse fa morago ga tshekatsheko ya ditso tseo ba tlhomamisa gore dilo tse ba di kgobokantseng di babalesegile ka go di baya mo motlobong wa ditso gore di seka tsa senyega ka di ka kgona go oka bajanala . Batho ba utswa leruo, ba a tshwarwa, kamoso ba letleletswe go emela tsheko kwa ntle, beke e tlang gape ba utsule ebe ba tswa gape. Dikgang tsa mofuta o di tla mo ofising ya rona kgapetsakgapetsa, mme go bonala fa go sena yo o tlhokometseng gone mo dijarateng tse, a tlhalosa. Tlhaelo ya matlo a borutelo e a tshwenya O kaile fa Kgosi Phologo-Seitsang a eteletse pele morafe wa Makopong o o akaretsang Barolong, Bangologa le Baherero dingwaga di le masome a le mararo le boraro go fitlhelela a tlhokafala. O tlhalositse fa lenaneo la SHHA le ka thusa Batswana go aga matlo ba tshwaragane le Botswana Housing Cooperation (BHC) kana (Turnkey) le le thusang ka madi a a kanang ka P90 000 le la go tlhabolola dikago le le thusang ka madi a P60 000 otlhe a duelwa mo lobakeng lwa dingwaga tse di masome mabedi. Rre David o ne a supa noga eo e le nngwe ya dinoga tse di bogale e bile e kgona go budologa, a kaya fa gape e le noga e e palamang ditlhare e bile e tshwana le tsone le ka mmala mme o ka seke o e bone fa o se kelotlhoko. Fela jaaka mo mafelong a mangwe Batswana ba tletse ka boitumelo go keteka boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano ba motse wa Sefhophe ba ne ba seka ba salela kwa morago go supa boitumelo jwa bone. A re e le ba sepodisi ba tsere tshwetso ya go dirisana le ba ba tlhatlhobang marekisetso a dinama gore di mo seemong se se siameng sa go rekisetsa morafe nama. O boletse fa ba tshwenngwa ke dikotsi tsa tsela tse di diragalang mo tseleng e tse dingwe tsa tsone di gapang matshelo. Ba kgotla ya Meriting bone ba lela ka letlhoko la metsi mme ba kopa gore ba thusiwe ka one. O supile fa go sena ka fa lentswe la bone le ka utlwalang ka teng kwa ntle ga go tlhopha. A re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse a leka bojotlhe go rata le go dibela lefatshe leno ka gotlhe mo a ka go kgonang. Mongwe wa bareki ba dithunya tseo, Mme Sikhonziso Bagwasi a re dithunya tse a di rekang kwa Mother Earth Flourist di pharologanyo le tse dingwe, a kaya fa barekisi ba bangwe o fitlhela ba rekisa dithunya tse di senyegileng e bile di swabile fa Toto ene a ba rekisetsa tse di itekanetseng ka dinako tsotlhe. Go ya ka morulaganyi wa moletlo o, Mme Gofaone Sedihe, lefoko Ruviya ke lefoko la Seherero le le rayang go ipela kana go itumela. Mme Malema a re boroko jwa badirelapuso bo a tlhaela mme setshaba se sa hirisetse bodiredi matlo. Mongwe wa dibui, Rre Edwin Batshu a re BDP e betlile tsela e mang le mang a e bonang. Mme Molelo a re moono wa sekole ke gore go nne le lenaneo la puisano le bodiredi, bana le bogogi jwa sekole gore barutabana ba ikutlwe ba gololesegile go dira tiro ya bone ka kemo nokeng ya gagwe, a itebagantse segolo bogolo le botsogo jwa bone jwa letsatsi le letsatsi. A re ba ne ba lemogile gore ditilo kwa kokelwaneng eo di a tlhaela mme ba fokotsa tlhaelo eo ka go reka ditilo tsa tlaleletso. Mo potsolotosng le BOPA, mme Tshwenyego a re o ne a ikitaya ka thupana go tsena thuto ga-e-golelwe morago ga go itemogela fa lesedi la thuto e le sengwe se se botlhokwa mo botshelong bogolo thata mo malatsi a segompieno. E ne ya re a tlatsa, kgosana wa kgotla yoo Selatlho e go bolelwang e le yone e tshabeletsweng ke bothata jwa nnotagi, Rre Nti Kelelekilwe a re seemo seo se gakadiwa ke gore barekisi ba bojalwa ga ba obamele dinako tse di beilweng tsa go rekisa ka jaana ba kgona go rekisa go fitlhelela bosigogare. E ntse e le kwa bokopanong joo Moruti Enock Basimolodi wa Unity House Ministries, o ne a kgothatsa banana go supa dikeletso tsa bone ka go ikwadisetsa ditlhopho. O ne a supa fa ba itemogetse fa batho bangwe ba ise ba kgone go farologanya gore ikwadisetso ditlhopho e ga bedi, e leng ya karata ya boloko jwa phati le ya karata ya ditlhopho tsa setshaba, a kopa gore ba netefatse gore ba ikwadisetsa magato otlhe ka bobedi. Fa go tsenwa kwa sekoleng, go solofelwa gore moithuti a kgone go araba dipotso go supa fa e le ene a di itiretseng mme fa a palelwa go supa fa a diretswe ke motsadi ka jalo morutabana o tshwanetse go bitsa motsadi a mo lekodisa ka seemo sa ngwana le ka fa ba ka se tokafatsang ka teng. Mme Moelto a re ga ba bolo go nyorelwa go mmona ka a tsamaya mo dikgaolong tse dingwe a abela bagodi mme ba itumetse ka ba kopane le ene. A re ga a na k maikaelelo a go tsaya bogosi jwa Tewane ka jaana tiro ya gagwe e itebagantse le go bua ka ditlhabololo tsa motse le go dirisana le morafe go balelwa le kgosi. O boleletse batho ba metse ya Mmaphashalala, Mookane, Dibete, Poloka le Leshibitse mo merapelong e neng e tshwaretswe kwa Dibete go rapelela dikotsi tsa tsela le go gopola ba ba tlhokafetseng mo dikotsing tseo gore gole gantsi dikotsi tse di diragalang mo tseleng ya A1 di bakwa ke go tlhoka go obamela matshwao a tsela, go kgweetsa ka lobelo le le feteletseng, go dirisa dikoloi tse di sa itekanelang, go kgweetsa ga batho ba sena ditlankana le loruo le le sasankang mo ditseleng. Bomme malatsi a gompieno, ba tsena mo dikgotleng ka marokgwe selo se se neng se sa ditlwaelwa bogologolo.BOPA Banni ba metse ya BORAVAST e e itsegeng thata ka mmino wa Polka ba ngongorega ka baatlhodi ba dikgaisano tsa malatsi a ga Tautona tsa meletlo ya mmino bogolo jang wa Polka o o tumileng thata mo dikgaolong tsa bone. Fa a tswa la gagwe Ramapodisi a lefatshe le Rre Keabetswe Makgophe o ne a re go tshwara tiro ya mofuta o kwa Lechana ke go tla go gakololana gore seabe sa montswana mongwe le mongwe ke eng le go lekodisana ka dikgwetlho tse di aparetseng ba sepodisi ga mmogo le go godisa tshwaragano ya sechaba le sepodisi. A re maikaelelo a lenaneo gape ke go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya lefatshe leno le le reng tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala ka ba bangwe. Batswana ba kopilwe gore ba seka ba kgaoganngwa ke ditlhopho ka seo se ka tlhakatlhakanya lefatshe leno. Ka jalo seo sa fokotsa le yone palo ya dintsho tse di diragalang mme e le tse di neng di ka thibelwa ka go tsaya kalafi ya ba bongaka.Mogokgo wa sekole se segolwane sa Shanganani JSS, Mme Ndinaani Mandevu o ne a tlhalosa fa TB e santse e le kgwetlho e tona e e lebaneng lefatshe leno, a supa fa ntwa kgatlhanong le TB, e le e e ka sekeng ya kgonwa ke puso e le nosi, ntleng le batho ka bongwe ka bongwe ga mmogo le makalana ka go farologana a ka tsenya letsogo.Mme Mandevu o ne a gwetlha makalana a a tsweletseng ka go thusa puso ka ditsela tse di farologaneng tebang le tsa botsogo go akarediwa le jone bolwetse jwa TB, gore ba seka ba nyema moko go fitlhelela ntwa kgatlhanong le TB e fenngwa. A re dithototse dipotlana tseo di dira dipoelo tse di nnye. Mo dikgannyeng tse dingwe, makhanselara a Mokwena ba supile matshwenyego ka thulaganyo e ba reng ga e na morero ya go tsamaisa moletlo wa ngwao ya Bakwena wa Dithubaruba. Tebang le se, mopalamente o ne a tshepisa morafe fa a tlaa isa matswhenyego a ko palamemteng gore matona a a lebaneng le ditlhabololo ka go farologana a diragatse se se tshwanetseng. Rre Dineo o supile fa nako yotlhe e ba e tsereng kwa Maun, ba sa kgona go ithuta sentle ka gone gole mosuke e bile go nale tlhaelo ya barutabana le matlo a borutelo, mme seo se ne sa ba baya ka fa mosing.Rre Dineo a re e rile 2013 a fela, ba fudusediwa kwa Shakawe go feleletsa lekwalo la bone, e bile ba kgonne go kwala makgaolakgang gone koo fela ba tlhoka go dira sentle ka jalo sekole seo sa nna sengwe sa dikole tse di sa dirang sentle mo lefatsheng la Botswana mo dithutong tsa BGCSE. Ka jalo dilo tse tsotlhe tse ba di dirisang ga ba di reke, ba di tsaya mahala mme se se bo se ba rotloetsa go dira ka natla le go feta. Modula setilo a re go lemogilwe fa tiriso ya dikarata tse di rekang e ne e ya bokhutlong ka Phalane ngwaga o o fetileng, mme tsa okelediwa tiriso go fitlhelela ngwaga ono wa madi o wela. Rre Kazenambo a re fa khansele e sa tsiboge, batla ipopa e le banni go tseela kagng eo kwa kgotla tshekelo ka go supega fa bogogi bo goga maoto go e rarabolola. O buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng mme a supa fa bangwe batsadi kwa merakeng eo ba tsweletse ka go roma bana ba bone ditiro tse di ba kgoreletsang go tsweledisa dithuto tsa bone. Godimo ga moo ba ngongoregela tshekatsheko e e dirwang ke ba ofisi ya boipelego e ba supang fa ba dumela e sa dirwe ka tsamaiso e e tlhamaletseng. Fa o utswile o bo o atlholwa, dingwaga di tshwanetse go simolola fa go bosupa go ya kwa godimo, ga bua Rre Molebatsi. Dikgomo di falatsa balemi Rre Matlhogojane a re toropo e leswe mme fa go le jalo go tshwanetswe ga dirwa sengwe jaaka go baakanya dikoloi tse di tsayang matlakala gore a kgone a tsewa ka nako. Mo phuthegong e e tsweletseng ya khansele, Rre Dipholo a re e re ka kgaolo ya Tutume e le bophara, ba bone go tshwanela go fa Nata maemo a ntlha go tlhongwa kgaolo-potlana go atametsa ditirelo kwa bathong. Lefa go ntse jalo, mongwe wa banni Rre Etsogile Mphoyamodimo o kopile puso go gagamaletsa molao barui ba dikgomo tsa bone di fitlhelwang di sa kentiwa go leka go nyeletsa bolwetse jo ba rileng bo ba fetotse batlhoki ba nta ya tlhogo. Modulasetilo wa komiti ya madi le ditlhabololo tsa khansele e, Rre Victor Jimmy Mphee, yo e bileng e le mokhanselara wa Motlhabaneng/Lentswelemoriti, o tlhalositse fa khansele e tlaa tlhoka P79 520 980 go dira ditiro tsa khansele mo ngwageng wa madi wa 2016/2017 fa mo ngwageng o o fetileng wa madi khansele e ne ya tlhoka P78 718 650 go dira ditiro tsa khansele. Rre Batshu a re fa e sale lekgotla la Re a Nyalana le tlhongwa, go setse go nyadisitswe malwapa a le 1 873 ka fa molaong ka thotloetso ya mokgatlho oo, fa batho ba le 3 746 ba rwesitswe dipalamenwana ka thulaganyo eo. Mo mafokong a gagwe a kabo dimpho tseo, moeteledipele wa banka ya FNB kwa Jwaneng, Rre Stephen Goitsemang o ne a kaya fa FNBB Foundation e simologile ka ngwaga wa 2001 e maikaelelo a yone e le go thusa setshaba bogolo jang bana ba dikhutsana le ba ba tlhokang mo lefatsheng leno ka e le bone baeteledipele ba lefatshe leno ba ka moso. O rotloeditse banni ba Machaneng go ema mokgatlho wa bone nokeng. A re ngwana ga a a tshwanela go kgokgontsha motsadi a re o na le ditshwanelo, ka gore ditshwanelo tseo di ne di dirwa go sireletsa ngwana eseng gore a itaole. Molaodi wa kgaolo potlana ya Mabutsane, Rre Mosipidi Mokgolele, a re matsubutsubu a ne a rutlolola matlo a ka tshwara masome a mararo le bosupa kwa Morwamosu, fa kwa Mabutsane e rutlolotse a le masome a mabedi le bongwe; a le mabedi mo go one ele a khansele. A re se se ka dirwang ke gore fa leruo le beilwe foo, le bo le ka sekasekwa go tlhola gore a le amilwe ke bolwetse ja tlhako le molomo, mme fa go lemotshega fa le siame le busediwe beng ba lone go na le gore seruiwa sengwe le sengwe se se tlodileng molelwane se bolawe. Mme Ramaribana a re go tshwaragana le makalana a mangwe go ntshitse maduo ka jaana ba kgonne go isa batlhoka kutlo go tsena sekole sa tiro ya diatla kwa Afrika Borwa. A re batho ba ba tlang go ikuela ke basadi ba tlhalosa gore ba eletsa go kgaogana dithoto ka ba di bereketse mmogo. O tlhalositse fa go le botlhokwa thata gore morafe o nne le kitso le gone go tlhaloganya ka dithuso tse puso e di tlhamileng go thusa Batswana,mme a kaya fa seo se ka kgonagala fela fa badirelapuso ba ka etela morafe mo dikgotleng go ba tlhatlhelela. A re ba tshwaragane gore tiro ya go bopa setshaba e tle e kgonege. Mongwe wa banana go tswa kwa motseng wa Nshakashogwe, Rre Tabona Jopi yo o dingwaga tse di masome a mararo le bobedi a re o lemogile fa banana ba itlhaganelela go kopa dithuso tsa madi ba sa ikakanya mo go tseneletseng gore ba batla go tsena mo dikgwebong dife, a supa fa bangwe ba dira dikgwebo ka gore ditsala le masika ba a di dira, ba sa lebelele gore bokgoni jwa bone bo fa kae. O supile fa bogologolo go ne go jewa nama e ntsi, mme ba ne ba sa tsenwe ke makoa ka gore ba ne ba itshidila mebele ka go tsamaya ka maoto nako e ntsi. Mookamela mapodisi a Lobatse, Superintendent Photsanyana Mogatsaseno, o gakolotse setshaba go ikela tlhoko fa ba tsamaya mo mekgwatheng. O kopile banni go dira tse di tlhokwang ke lekgotla la mafatshe a Yuropa gore ba tle ba kgone ba bone dipoelo mo dikgomong tsa bone ka nako ya thekiso. Mothusa ramapodisi a Sejelo kwa Kanye o kopile badirisi ba tsela go dirisanya sentle mo ditseleng le go ela tlhoko matshwao a tsela ka malatsi a Keresemose le ngwaga o mosha. Go ya ka Rre Hendrik Hayman, e rile ka ngwaga wa 1995, ba thibelela kwa lefelong leo, ba sena go tlholwa ke lefelo la Rooibrak le ba neng ba fitlhela le sena metsi. E rile a rola pego ya komiti ya ditlhabololo tsa motse oo mo phuthegong ya kgotla e neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo eo, Rre Dikgang Makgalemele, modulasetilo Rre Molatedi Kenabatho o ne a supa fa tiro ya go rudisa tshingwana ya morafe ya merogo ya Eden e tsweletse sentle. Lorato le kemonokeng ke molemo mo go ba ba amilweng ke mogare wa HIV. O ne a gwetlha bana ba go tlotla batsadi ka e le boikarabelo jwa bone, a re gore batsadi ba bone ga ba yo mo botshelong e seka ya nna seipato, a tlhalosa fa se e le thato ya Modimo ka jalo ba tie go ya pele mo botshelong. Go bolelwa fa palo ya batho ba ba ikwadiseditseng ditlhopho e le kwa tlase mo kgaolong ya Mochudi Botlhaba. Maloko a phathi ya Botswana Democratic Party, BDP, Rre Tiro Seloma le Oliphant Mfa ba ba fentsweng mo ditlhophong tsa bulela ditswe ba latofaditse dipego tsa gore ba tlhanogetse phathi ya bone e bile ba eme bontlhopheng bangwe ba kganetso nokeng. Mo boemong ja bangwe ka ene, mongwe wa ba barongwa ba makgotla a ditsheko Rre Ikageng Seloi a re ba kopa tirisano mmogo le ofisi kgolo ya bone eleng makgotla a ditsheko, segolo ya ga mmakaseterata le babueledi. Are erile morago ga di tswa foo dingwe tsa tsone dine tsa duwa ke dintho mo dimpeng le mo matlho mme dingwe tsa tsone tsa swa. Rre Masasa o supile fa khamphani ya bone e ntshitse P36 000 go thusa. O tlhalositse gore balemi ke bone fela ba ka tokafatsang thobo ya bone ka go tsaya boikarabelo le go dirisa dipeo tse di tlhabolotsweng go na le go ganelela mo go tsa Setswana tse di sa tlholeng di na le boleng mme a re ba inaakanye le ba tepo loapi go tsaya bogakolodi ka seemo sa dipula. Fa a bua mo potsolotsong, Rre Malei o ne a tlhalosa fa maikaelelo e le go atumetsa metshameko kwa bathong bogolo jang banana le go ba tsenya mowa wa go inaakanya le metshameko. Se se tla jaana morago ga gore Morutabana Odireleng Ramolelekwane wa sekole seo a kopane le mongwe wa barutabana ba sekole sa St Gabriel kwa Serowe yo ba neng ba abelana maele a ka fa ba kgonang ka teng go ntsha maduo a a nametsang pelo. Mokhanselera wa Morupule, Rre Jordan Makhura o ne a re sekole se segolwane sa Mabogo se mo seemong se se tlhabisang ditlhong, gape matlo a borutelo a a a tlhaela. Rre Kebafitlhetse o ne gape a gakolola batsadi go bona gore ba bua eng ka morutabana fa pele ga bana, ka gore bana ba sekole ba nna ba ba bolelela tse di buiwang ke batsadi ka bone, a kaya fa seo se sa siama ka se ka senya botsalano jwa bone le batsadi. Le fa go ntse jalo, a re fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe, ya gagwe le yone e na le dikgwetlho. 2, Rre Frankel Mohutsiwa, a re jaaka malatsi a boitapoloso a simolotse jaana, ba itlama go bereka ba tshwaragane le makalana otlhe a a diragatsang molao.O solofeditse Kgosi Sekgoma gore ba itlamile go netefatsa gore ba gaMmangwato ba tlaabo ba babalesegile le dithoto tsa bone. Rre Mokgolele a re le ntswa go na le kgonagalo ya gore dipalo di be di feta foo, badirelapuso ba ne ba dira ka natla gone bosigo jwa Labobedi go thusa ba ba amegileng. Moeteledipele wa lekgotla la tsamaiso ditlhopho mo Selebi Phikwe Mme Christina Sesinyi o kgothaditse banana ba toropo ya Selebi Phikwe go tsaya karolo mo ditlhophong ka e le yone tsela e ba ka supang dikeletso tsa bone. A re tsela eo ga e dirwe fela ka gore ditlhopho di gaufi, e bile a tlhalosa fa dikakanyo tsa mofuta o di latlha boidiidi, ka gore ditlhabololo di dirwa ke diphathi tsotlhe di kopane le badirelapuso, e seng phathi ya BDP e ipapaletsa ditlhopho. O ne a tsibosa setshaba gore ba seka ba itewa tsebe ke diphathi tsa kganetso tse dingwe tsa tsone maitlamo a tsone a sa itlhaloseng sentle. E ne ya re ka mafelo a beke, mokgatlho wa rotary wa toropo ya Francistown wa tshegetsa moletlo wa go abela bana bangwe ba ba tshelang ka bogole ba kgaolo ya Bokone Botlhaba dikolotsana. Rre Sesinyi o tlhalositse fa ngwaga le ngwaga ka nako eno e le ba sepodisi ba lekola dipalamo bogolo thata tsa setshaba go netefatsa gore di mo seemong se se siametseng go rwala setshaba ka malatsi a Keresemose. A re bangwe ba felela ba tlhokafala ka go tlhoka go sala ditaelo tsa ba bongaka morago. Mongwe wa barutabana kwa sekolong seo Mme Ontiretse Kgosintwa are ba sale bannile le toro ya go aga ntlo eo ka ngwaga wa 2010 mme banna le dikgwetlho tse dineng tsa paladisa toro ya bone jaaka letlhoko la madi le go sa ithaopeng ga batsadi . Mme Garethata re bontsi jwa nako o tsamaya ka koloi a rekisetsa fa pele ga marekisetso ka go farologana kwa Palapye. O tlhalositse fa maikaelele a gagwe ele gore mo isagong fa madi a ne a le teng a atlolose kgwebo a oketse babereki. Fa a tsibogela dingongora tseo, Rre Keinyatse o supile fa e le boammaruri go ne ga nna le tiego ya go abela banni ba kgaolo eo dipodi ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma mme a solofetsa fa ba tla ikitaya ka thupana gore e re kgwedi eno e ya fifing ba bo ba thusitse ba le bantsi. A re go phutlhama ga itsholelo ke gone mo go neng go diile ditlhabololo tsa metse e mentsi mo lefatsheng leno ka bophara, mme a re ka thuto e le yone konokono ya lefatshe, madi ka bontsi a abetswe lephata leo. O supile gore le fa mo nakong eno ba sena ofisi e ba berekelang mo go yone , go botlhokwa gore ba nne le yone. A re bangwe fa dithuto di tsweletse ba a robala fa bangwe ba kgona go tswa mo sekoleng nteng le tetla mme ba bangwe ba utswa dithoto tsa ba bangwe mo matlong a borobalo. A re ba masika ba tswa kgakala ba leka go tlamela bana ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi, le fa go ntse jalo a re go a tshwenya go bona batho ba itsholelo e e botoka ba ngosela go thusa ba ba dikobo di magetleng. Kotsi e gapa matshelo a mabedi A re, tsamaiso ke gore fa motlhophi a latlhile karata, o ikgolaganya le ba ofisi ya bone go ya go direlwa moriti o mongwe wa karata, go nale gore motho a ikwadise gantsi. Mopalamente o ne a re e re le ntswa go ntse jalo mme le ene o dumela gore go botlhokwa gore barulaganyi ba dikgaisano tseo ba netefatse gore go nna le baatlhodi ba ba itseng sengwe ka mmino oo. O kopile puso go sekasekela batho ba metse eo ka jaana dipolasi tseo di ba hupeditse mme e bile di sa ba solegele molemo. Mo go tsotlhe tse le di dirang go ya pele, le seka la lebala kwa le tswang teng gore le seka la latlhegelwa ke tsela. A re barui ba ba leseletsang loruo la bone go hula mo ditseleng tse di ageletsweng ba tla tseelwa dikgatlo tse di gagametseng fa loruo la bone le ka amega mo dikotsing tsa tsela gammogo le bao, ba ba kgweetsang ba nole kana ba sena ditlankana tsa go kgweetsa. Rre Moribame fa a bua kwa moletlong wa mafelo a ngwaga bosheng kwa Bobononga re o leboga bodiredi ja khansele ga mmogo le ja sepolotiki ebong makhanselara go dira ka natlale fa go ne go na le dikgwetlho di tshwana go tlhaelelwa ke ditsompelo. Rre Lekhutlile a re puso e bone go tlhokafala gore bana ba direlwe letsatsi la ngwao ka gore ga go sa tlhole go dirwa dipe tsa ngwao kwa malwapeng. O tlhalositse fa Rre Matho e le motho yo o bonolo e bile, a na le bokgoni jwa go isa kgotla kwa pele. A re o dumela mo kgodisong e e siameng ya bana ka jalo o kgothaditse batsadi go tsaya karolo mo go ruteng bana ka tlhakanelo dikobo, ba seka ba tsaya gore ke tiro ya barutabana ba le nosi. O gakolotse setshaba go fetola ka fa ba tshelang ka teng, a re, ba fokotse tiriso ya letswai le mafura a mantsi mo dijong. Motsamaisi wa ditlhopho kwa kgaolwaneng ya botlhophi ya Sesame, Rre Mogorosi Kokoro, a re ba kopane le kgang eo kwa kgaolwaneng ya Halleluja Church of God. Rre Kebafitlhetse a re tirisanommogo magareng ga morutabana le motsadi ke yone e e ka dirang gore go kgonwe maikaelelo a tokafatso maduo a bana. Nnang le metlobo ya dibuka O kaile fa ba ne ba tabogile le go kwadisa ka fa molaong Tshiamo Moreetsi, yo ditlhopha di le tlhano di setseng di supile kgatlhego mo go ene mme ba kgonne go mo ngoka gore a beye konteraka ya ngwaga tse pedi monwana. Khansele ya Bokone Botlhaba e iphutha metlhala A re dikgang tseo di tlhabisa Botswana ditlhong mo ditshabeng tse dingwe. A re ba rute bana molemo le bosula, ba tswe mo go romeng bana majalwa le go dira ditiro tse di maswe fa pele ga bone, le fa ele go omana fa pele ga bana. Maloba ne re le kwa Tlokweng SOS, ra ya le kwa go tse dingwe. O ne a leboga maloko a Re a Nyalana ka thulaganyo e ntle e ba e dirang. Rre Tumaeletse o boletse fa gareng ga dikgwetlho tse ba kopaneng le tsone e ne e le letlhoko la madi, tebego ya Grotto le gore dingwe tsa didirisiwa tsa kago di ne di se yo mo madirelong a dikago mo Botswana mme ba patelesega go di latela kwa ntle. Le fa gontse jalo bangwe ba makhanselara ba ne ba le bête semolangwana ka mogopolo oo mme seo se ne sat lama modulasetilo go kgaoganya ntlo mme bontsi jwa fenya. Banni ba Mogotlho ba akgoletswe boitshwaro le bokgoni jwa go tlhokomela motse wa bone ntswa ditlamelo di ise di goroge kwa go bone. Itu, jaaka a itsege mo mererong ya tsa botaki o tsweletse ka go dira sentle mo bogompienong ka go bo a tsweletse ka go rekisa ditshwantsho tse a di dirang ka pente. Rre Moloi a re paka ya go segwa ga bojang e simolotse kaLaboraro go fitlhelela Phalane a tlhola malatsi a le lesome le boroba bongwe. Rre Nfila o ne a gatelela gore ba-na-le bogole ba na le seabe mo kgolong ya itsholelo ka mo nakong ya gompieno ba supile fa ba na le botsipa jwa go tsamaisa dikgwebo. Fa ba mo boka jaaka pula ya medupe, mongwe wa magosi gape e le mookamedi wa lekgotla la boikuelo la Setswana, Kgosi Christopher Masunga, o ne a re mogaka o tlogetse a adile moalo wa sennela ruri. Fa go sena thotloetso e dikgwebo di ka ikaegang ka yone, di felela di phutlhama mme seo se dire gore maiteko a bagwebi a folotse. Rre Bengane a lebogela mpho eo a re e tlaa dira pharolaganyo mo sekoleng sa gagwe. A re bomme ba itsa borre go tlhola bana ba bone ga mmogo le gone go tsalana le bone ka tsela epe fela. Fa a supa matshwenyego a bone e le ba sepodise, mogolwane yo o okametseng sepodise mo kgaolong ya botlhaba jwa Botswana Rre Stephen Majaha o ne a gakolola botlhe gore pele ga ba tsaya ditshwetso tsa go dira borukutlhi, ba akanye pele gore fa e ne e le bone ba dirwa jalo, ba ka bo ba tseega jang. Mongwe wa banni, yo gape eleng lebutswa-pele la Goo-Tawana Rre Kesielwe Ledimo o ne a tlhalosa fa morafe o sa tshwaragana e bile go sena morero o o tlhapileng. Mme Mpayang a re mabaka a go dira jalo ke go fokoletsa batho mosepele wa go ya go kwadisa dikompone kwa Francistown, a tlatsa ka go re kompone nngwe le nngwe e e mo tirisong e tshwanetse go kwadisiwa, a supa fa le tse di setseng di kwadisitswe di tlaa bo di kwadisiwa sesha. Komiti e supa setshwantsho Dingwe tsa ditante tsa rona di makgasa ka batho ba fa ba sena go thusiwa ka tsone ga ba di buse,a tlhalosa. O ne a kaya fa mo ngwageng ono mmino oo,o godile ka o setse oname le lefatshe leno. A re ga go na dikholobete tse di lekaneng tse di fetisetsang metsi ao kwa nokeng mme a felele a tlala mo malwapeng a batho fa dipula di na ka mashetla. Rre Peter Mongwaketse a re ka jalo Batswana ba tshwanetse ba ipelela tsotlhe tse Botswana a di fitlheletseng go fitlha ka jaana. Babereki ba kgothadiwa go dira ka natla O buile jalo ko phuthegong ya khansele bosheng e e neng e itebagantse le go fa batsamaisi ba lenaneo leo sebaka sa go rolela khansele tse ba di kgonneng mo ngwageng wa madi wa 2014/2015 le go kopa madi a ditiro tse di tlang. Mme Koobonye o tlhalositse fa kgwetlho e tona e ba kopanang le yone ele gosa bona bareki. Mokhanselera Segametsi Legoreng wa Mmaphula Bophirima ene o ne a bua a menne phatla ka kgaolo ya Extension Six a re e mo mogobing, matlo a a wa ka dinako tsa dipula, a supa fa maiteko otlhe a go buisana le ba lekgotla la kabo ditsha la Palapye a dirilwe mme go se nko e e tswang lemina. Maiteko a go koba modulasetilo a foloditse A re e re ntswa mmino wa Polka e le mmino oo ikadileng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa , dikgaolo tse dingwe di ne tsa kgatlhegela go ithuta mmino oo. Kgosi Olebogeng Mojuta wa kgotla ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe o kopile morafe o o neng o tsene phuthego ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi go neela bagolo tlotlo e e ba tshwanetseng. A re puso e tseetse kwa godimo kakaretso ya ba-na-le-bogole mo thulaganyong ya yone ya ditlhabololo.Rre Toteng a tlhalositse fa puso ka thulaganyo ya tebelopele ya Setshaba ya 2036, lenaneo la ditlhabololo la bolesome le motso (NDP11) le lenaneo la go nonotsha beng gae mo go tsa kgwebo la 2012 (Citizen Economic Empowerment Policy of 2012) e itebagantse le ba-na-le-bogole ele setlhopa se se faphegileng se se tshwanetseng sa fiwa ditirelo ka karetso ke batsaa karolo botlhe. O solofeditse balemi gore tirisano ya bone le boraditerekeree tlaa tokafala ka ba utlwile dikgotlhang tse ba nnileleng le tsone mme ba tlaanetefatsa gore go hirwa batho ba ba itseng go lema mme gape boraditerekere batlaa kgaoganngwa ka masimo a ba a lemang. Rre Dikhuhang a re Rre Gaoakanye o ne a mo araba ka gore le bone e le ba ba theogetseng mo tirong ya go tsamaisa ditlhopho ba lemogile seemo seo ka jalo ba etse motho yoo thoko. O supile fa a ikaeletse go tshegetsa kgwebo ya gagwe le fa a ka ralala diemo tse di thata ka a itse fa mo kgwebong go se kitla go tlhokega makgwere ape. Le fa go ntse jalo, a re ba tlaa fefosa tsamaiso ya go phutha dikoloto gore ba bone madi a go tswelela ba tlhabolola ditlamelo tsa phatlalatso ya metsi le gone go gokela ba basha ba ba ikopetseng. Molaodi wa Letlhakane o kgadile mokgwa wa baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana a re mokgwa o, o a tshwenya ka molao o sa sireletse batho ba go nna jalo. Komiti ya ditlhabololo ya Mogonye mo kgaolong ya Borwa ke nngwe ya tse di gatetseng pele ka go ikgobokanyetsa madi ka methale e e farologanyeng go leka go tlhabolola motse. Kgosana Abram Thuto wa Madiaela ene o ne a kgothatsa morafe wa gagwe go agelela masimo a bone ka lenaneo la puso le teng, a re mo nakong eno go ka bo go sena ope Motswana yo o jelwang ke leruo masimo ka puso e thapholotse letsogo go ba thusa ka diterata. Rre Maele o ne a ikuela mo banning bogolo jang dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ka e le bone ba ba tsamaisang lenaneo la Ipelegeng go emisa tse di sa letlelelweng go diragala mo Ipelegeng go fema kgotlelesego ya lone. Matlwana a boitiketso a fa seriti A re maikaelelo a lekgotla la tsamaiso ditlhopho ke go ruta batho bogolo jang banana ka tsamaiso ya ditlhopho le ka fa ba tshwanetseng go itshwara ka teng ka nako ya ditlhopho. Dikatso tse di tla a okediwang di akaretsa tsa Ipelegeng, tsa bagodi, bathugi, batlhokomedi ba balwetsi kwa malapeng, masole a pele a ntwa ya lefatshe ya bobedi, dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le tsa batlhoki. E re ka jaana Modimo o sa je nkabo, bobedi jo, bo tlhalosa fa e ne ya re mo letsholong la bone go batla mmereko, Mme Tabushwa Twins wa madirelo a go roka a Bush Tea a ba thapa mme a seka a ba itsapela, a nna pelotelele go ba tlhatlhelela maele le dikitso tsa ka go roka le go sega letsela ka sa bone e ne e le go kgatlhegela go roka ba sena kitso epe. A re ga ba abe diaparo fela mme ba abelana gape le dikitso. O supile fa ditlhopha tse di neng di iteisana borathana di le lesome le bosupa mo ngwageng ono. O kaile gape fa lephata la kabo ditsha le kaile gore botlhe ba ba amilweng ke go sutela moepo ba tlaa thusiwa ka pela phatlha ya lefatshe e ba ka bewang teng e bonetse, maitlamo a a reng ga a diragadiwa. Morui Rre Charles Mokobi o ne a kopa Rre Makubate go ba tlhalosetsa gore a lenyalo la bone le banka eo, ke sekoloto kana jang le gone gore banka e e tlaa bo e ba duela jang. Rre Moahi a re ba ne ba ba koba ka go lotlelela bana ba sekole kwa ntle ba bo ba bolelela bogogi jwa sekole gore ga ba kake ba tswelela ba le mmogo ka jaana ba sena tirisanyo e e tlhapileng. Ke kgonne gape le go reka koloi e nthusang go tsamaisa kgwebo yame, ga bua Rre Thokwane. Pego e tswelela e re tiego epe ya go oketsa dituelo tsa badirelapuso e ka ba baya ka fa mosing ka jaana ditumelano e seke di duelwa melala. Le fa madi a ba neng ba a kgobokantse a ne a sa lekana go ka reka tsotlhe tse ba neng ba ditlhoka, ba ne ba reka tsa botlhokwa mme kgwebo ya simologa. Rre Zibochwa o ne a gwetlha makalana a mangwe a puso le a a ikemetseng go ikitaa ka thupana go thusa puso mokgweleo wa go tlamela Batswana ba ba nang le letlhoko. Ke boswa jwa rona, re bo diretswe ke batsadi ba rona. O tlhalositse fa go le gantsi lephata la dikgolegelo le kgalwa ka tumelo ya gore le golola batho ba sa wetsa kotlhao. Pula ya matlakadibe e sentse Ditagi mmaba Ke feditse go tlhopha ka nako ya boroba bobedi mo mosong, mme yare morago ke le kwa lwapeng, ka iteelwa mogala ke Tefo Sametse a re go na le mongwe yo o tsamayang a ema ema fale le fale le batho ba ba emetseng go tlhopha, mme a belaela gore o ka tswa a polotika. A re o ne a tshwenngwa ke seemo se, ka jalo a boela kwa matlhophelong. O boletse fa se se ka diga seriti sa yo o amegileng mme a felele a tshwabelelwa ke malwetsi ka ntlha ya kutlobotlhoko e. O ne a tlhalosa fa diolo di tshwenya fela thata mo masimomg e bile di e ja dijalo. Kgosi Petelelo a re le fa mo dingwageng tsa maloba go ne go se phoso go itiketsa mo sekgweng jaanong dipaka di fetogile, ka jalo seemo seo se baya botsogo jwa motho le tikologo ka kakaretso ka fa mosing. Ba re maikaelelo a bone ke go neela setshaba dithuso ngwaga o no le go feta ngwaga wa 2016 ka ele seabe sa bone le Batswana go ipelega le go thusa ba ba tlhokang kana fa puso e tlhaelang teng. O tlhalositse gore ba gwetlhilwe ke go lemoga fa setshaba se sa dirise tsa itshireletso tse di fitlhelwang kwa kokelong eo, mme seo se beye matshelo a bone mo kotsing. A re boraro joo, bo ne bo tswa Kanye kwa kgotleng ya ga mmakaseterata, kwa babelaelwa ba neng ba ile go itshupa teng; magolegwa ao a ne a le mabedi ka palo. Rre Matlhogojane o ne a tswelela ka gore go ka bo go ne go le botoka fa sephato sa dikoloi tse di thothang matlakala se ka bo se ne se le mo tirisong, gona le gore go bo go bereka fela di le borobabobedi mo go tse di masome a mabedi le borobabobedi. Ba ganeditse magatwe Rre Mogomotsi Samson, mooki wa botsogo ja setshaba o tsweletse a tlhalosetsa banni fa go na le ditokafatso tse di dirilweng mabapi le kankere ya molomo wa popelo, a re erile ba lephata la botsogo ba lemoga fa bontsi ja bomme ba fela ntateng ya kankere ya molomo wa popelo ba tla ka lenaneo la go kenta bana ba basetsana ba ba dingwaga tse di boferabongwe go ya ko go tse di lesome le boraro. Go ya ka mookamela mapodise a Mochudi, Superintendent Simon Sitale, banna bao ba fitlhetse bobedi joo bo itisitse mo koloing ya mme yoo mme ba ba tsenelela ba betsa rre yoo, ba bo ba mo pega mo koloing ba inaya naga ka bone. E ne ya re a bua mo boemong ja lekgotla la ba bueledi, mmueledi Rre Gabriel Komboni go tswa kwa komponeng ya Phumaphi le Chakalisa kwa Francistown, a tlhalosa ka botlalo ka Trust Account le bomosola ja yone a re e thusa thata mo tsamaisong ya ofisi le go dira dilo ka tolamo gammogo le go itse go tsena le go tswa ga madi. A re le fa batho ba tsamaya ka tsela tse di farologaneng le ka nako e farologaneng, go botlhoko ka gore batsadi ba bana ba ne ba lebile mo go bone. Mmueledi wa basekisiwa Rre Sylvester Mokwaise o ne a supa fa a amogela melawana eo ya gore basekisiwa ba ka letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo fa go santse go letilwe ba bosekisi go wetsa ditlhotlhomiso. Mopalamenete wa kgaolo ya Mogoditshane Rre Sedirwa Kgoroba, a re ere ntswa a rotloetsa ba kabo ditsha go tsibogela tharabololo ya dikgang tsa lefatshe kwa kgaolong eo gore batho ba ba letileng ka lobaka go bewa, ga a kitla a ema nokeng ope yo o ithophetseng go ipaya lefatshe kwa kgaolong eo. A re batho ka bontsi ba tsena mo lenyalong ba sa itse ka lone, a supa fa bangwe ba tsenela mabaka a e seng a lenyalo jaaka go batla dikhumo, kana go nyalwa fela ka gore ba bona bangwe ba nyetswe. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Dithojane, Rre Kesolofetse Koosaletse a re komiti ya bone e bone go le botlhokwa go abela sekole se sebotlana sa Dinokwane ka tlhokomelo e e tsepameng e rotloetsa ngwana go dira sentle mo dithutong. O tlhalositse fa 83% ya baithuti ba tseneletse lenaneo, ka jalo o gakolotse batsadi ba ba iseng ba tle go saenela bana go dira jalo. Mopalamente o ne a kaya fa ba mmino wa polka o tlotlomaditse thata ngwao ya kgalagadi a supa fa o setse o oka le bone bajanala. A re kgang e nngwe ke gore maloko a komiti ya batsadi le barutabana a tshwanetse a sekasekwe mme a fiwe lemmenyana bogolo jang ka ba emetse tshaba ya Botswana e bile ba dira le bana botlhe ba sa lebelela dikgang tsa thuto ya bana ba bone fela. Lenaneo le, a re le ne la rotloediwa thata ke Tautona Lt Gen. Dipodi di ntsha monana mo lehumeng Mapodise, modisa magolegwa ba gobaditswe O kgothaditse banana gore ba ithute thata mo go tsa maranyane, a tlhalosa fa ba bone go le maleba go laletsa dikompone tse di dirang ka tsa ditlhaelatsano tse di farologaneng di akaretsa Mascom, Orange, Botswana Post, beMobile le tse dingwe go tla go tlhatlhelela banana. O tlhalositse fa mo malatsing ano, batsadi ba tsisa bana ba bone kwa kgotleng go tla go tsenngwa mo tseleng fa ba tlhoka tsebe, mme ebile a tlhalosa fa a itumedisiwa ke batsadi ba ba tsisang bana ba bone kwa go bone ka dithoto tse ba belaelwang ele tsa bogodu. A re batsadi bangwe ke bone ba rotloetsang dikgang tsa mofuta o, ka ba letlelela bana go nna mmogo ntle le kgalemo le kgakololo epe, e bile gape fa ba kubetsana ga go na ope yo o kopang thuso, a tlatsa ka go re ‘e anyang e leletse e ruta e maleng’. Bagwebi bao ba bile ba kopa khansele go tlhwaela selelo sa bone tsebe ka go ba gokelela metsi. E rile ba mo kgwa dikgaba, banni ba ne ba re ba nna lobaka ba sa bone ditsha, selo se Rre Phuthe a tlhalositseng fa le bone se ba tshwenya, mme ga ba na madi a phimolo keledi ya go amoga batho masimo. Kgosi Showa a re go le gantsinyana bagodi ba latlhegelwa ke matshelo ntateng ya tiego ya go bona kalafi. A re lefatshe le le sa tlhabololwang, go tlhoka go sa dire sentle ga mananeo a banana, mananeo mangwe a a phutlhama le go tlhoka go busa madi a ba a adimilweng. Rre Lucas o tlhaloseditse batlhophi gore fa ba ka tshameka ka tlhopho ya bone, phathi ya BDP e ya go tsaya metsi e a isa kwa dikgaolong tsa Borwa ntswa kgaolo ya bone e lela sa khuranyo ya meno ka seemo sa metsi. O boletse fa go na le tshenyo e e diregang kwa dikagong tsa Bathoen Trust, mo go kgonang gore go ntshiwe dikoloi maoto, a re seemo se se ba pateleditse go thapa badisa dikago. O akgotse gape barutabana, a supa fa go dira sentle ga bana go sa tla fela, mme go supa fa go ne go na le lenaneo le le neng le setswe morago ke barutabana le baithuti. Mme Dibere a re gantsi o tsamaya a sela di pampiri go di busetsa mo tirong le go phepafatsa tikologo. Ka jalo Rre Kgobero o tlhalositse fa gantsi ka nako ya merwalela ba thusa batho ka mekoro e ba tlodisang dithoto tsa bone noka ka yone. O kopile banni ba Bokoni Bophirima go ba ema nokeng mo nakong e e tlang ka gore maikaelelo a gagwe ke go dira moletlo o ngwaga le ngwaga. Kgosi o ne a rotloetsa batsadi go ema ka dinao go nna le boikarabelo, ka go kgalemela bana le go ba ruta maitseo. Fa a tlhalosa mo moletlong wa kabo dimpho tsa bana ba ba tlhokomelwang ke lephata leo, molaodi o ne a akgola lekgotla mo tirong e ntle e le e dirang, a supa fa ba le mo tseleng ya go goroga kwa ngwageng wa 2016 ya go nna setshaba se se kutlwelobotlhoko e bile se le lerato. E ne ya re a a fa mafoko a kgothatso, Bishop Johannes Lephogole go tswa ko kerekeng ya Legae le le ntle o ne a bua thata ka bojalwa a re ke jone mmaba mo dikotsing tsotlhe tse di bolayang batho. Rre Morebodi o akgoletse balemi ba Mapatswa go ipopa go dira mmogo. Ba kopile gore mo peong ya ditsha e e latelang, go nne le thulaganyo e e faphegileng e le go akaretsa ba-na-le bogole ga mmogo le ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. E rile a rola pego kwa phuthegong, mothusa mokwaledi wa komiti Mme Gabaikanngwe Motsumi a supa fa ngogola ba kgonne go agela motlhoki ntlo, go gokela metsi le motlakase mo diofising tsa komiti, go bula letlole la poso, le go baakanya ntlo e e neng e shele, ba bo ba penta le e nngwe. Archbishop Mautle o boletse fa kago ya kereke eo e lopile madi a a ka tshwarang P250 000, ka gore bontsi jwa tiro bo dirilwe ka boithaopo. O ne a tlhalosetsa banni gore puso e leka ka gotlhe go tshegetsa le go bapatsa dikgwebo tse di thusitsweng ka lenaneo gore ba kgone go bona madi a go itshetsa. Mme Mokgweetsi a re maikaelelo a bone ke go lemotsha balemi-barui ba tikologo ya moepo gore tsela e ba e kopanetse. Rre Butale a re ntswa sekole seo se sa balelwe mo dikoleng tse di bidiwang excellence schools jaaka Mogoditshane Senior Secondary School, Matshekge ene o tsweletse ka go bereka ka thata go phadisana le tsone mo metshamekong. Bomme mo lefatsheng leno ba tsweletse ka go supa fa le bone ba na le bokgoni jwa go dira ditiro tsa diatla tse go tlwaelesegileng e le tsa borre. Mme Keabonye Masilonyane wa komiti ya Mathubapula le ene o ne a tlhalosa fa mangwe makhanselara a kgokgontsha maloko a dikomiti tsa VDC. A re ke yone nako ya go amogana megopolo gore ditirelo tsa botsogo di ka tokafadiwa jang gore ko bofelelong mongwe le mongwe a bo a itumetse.Mme Ngwako o tsweletse a kgothatsa banni ba Sehunou go tsaya maikarabelo a botsogo ja bone, a re boitshwaro jwa rona ke jone botsogo jwa rona, a re ba na le tshwanelo ya go itse dielo tsotlhe tsa ditirelo tsa botsogo, ka a re fa ba na le kitso ya tsone ba tlaa itse pharologanyo fa ba sa fiwe ditirelo ka fa go tshwanetseng le fa ba di fiwa sentle. Mokhanselara wa kgaolwana ya Maunatlala mme Salome Lesole o kgadile a sa kgwe mathe mokgwa o o dirwang ke banni ba motse wa gagwe wa go ikgakgapelela pampiri ya dikgang ya sechaba ya DailyNews. Mo maitekong a go aga tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso, e rile bosheng mapodisi a Middlepits a abela sekolo se se botlana sa Gakhibane sejana ba ba akgolela maduo a mantle a ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa. O boletse fa ba le mo kgweding ya bone ba sena go welwa ke seru seo mme ba ise ba thusiwe go busetsa leobo leo mo seemong, ka moo ba tshwarela diphuthego ka fa tlase ga ditlhare. A re madi ao a solofelwa go busiwa mo dingwageng tse 20 ka dituelo tsa P375 ka kgwedi. Mo go tse dingwe, Kgosi Malope o rotloeditse banna go dira loaro la borre ka dipalo tsa ba botsogo di supa fa ba le maoto a tshupa go dira jalo. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, wa kgotla ya Lekgwapheng, Mme Gaofele Morake, o supile batsadi ka monwana gore ga ba a tlhwaafalela thuto ya bana ba bone. A re dipatisiso di supa fa motse o e le one o o nang lelefatshe le lentsi le le abetsweng go lengwa ka le na le diekere tse di katshwarang dikete tse di lesome mme go lemiwa fela tse di dikete tse tharo. A re seemo sa go tlhaela dikotla ga se kake sa kgonwa ke ba booki fela ka jalo go botlhokwa gore batsadi ba nne le seabe. Mo tiragalong e nngwe Superintendent Sitale a re ba mo dipatlisisong mabapi le kgang e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a ferang bobedi le bobedi wa masimo a Tlokweng a neng a kgothosiwa P1 722 ke banna bangwe ba le bane e ntse e le ka nako ya bobedi mo mosong gone ka letsatsi leo. O kopile ba ba kgatlhanong le go tlhongwa ga ga Kgosi Phologo mo setilong gore ba tshware dipelo, ba nne le tlhompho mme ba seka ba bua ka dikgang tsa bogosi matletleisi. Mme Mmantukunu Thankane yo le ene a thusitsweng ka Nyeletso Lehuma ka dipudi di le lesome le boraro ka 2012 a re seemo sa leuba se ne sa kgoreletsa letsalo mo dipuding tsa gagwe. Rre Mangole o ne a supa fa a kile a ntsha mogopolo ko Khanseleng gore sekolo seo se dirisediwa go thusa bana ba dikhutsana le ba-na-le bogole mme mogopolo wa gagwe wa itaya se fololetse. E jewa thata ke dihutshane le dikgomo. Mme Seabe o ne a tlhalosa fa a ka seka a kgona go bua le babegadikgang kwa bothokong go tlhalosa kgang e ka botlalo. A re kgang ya dipolao tsa bomme ke bolwetse jo bo tlhokang kalafi. A re batho ba ipabalele mo dilalomeng ka go tila go itisa mo lefifing. E ne ya re go le pele fa a a bua ka modiro oo, modulasetilo wa komiti ya mautlwelobotlhoko mo kerekeng eo, Mme Otaatla Gaotloge bolela gore e ne ya re ngwaga ono o simolola ba tswa ka mogopolo wa go direla setshaba sengwe fela e le tsela ya go supa lorato. Ka jalo o kopile banana go nna le boikarabelo fa ba kgweetsa dikoloi. A re le mororo bomme bangwe ba na le seabe mo kgannye ya thubetso, dipalo di supa fa banna ba tsaya folaga. Fa a bula semmuso dithuto- puisanyo tseo kwa Selebi Phikwe ka Labobedi, molaodi Rre Mokgethi Nfila o lebogile ba lephata la papadi le madirelo go nna le seabe mo go ruteng ba-na- le bogole ka tsa kgwebo, ka se se ka dira gore ba nne le seabe mo tlhabololong ya lefatshe. O supile fa ba na le matshwenyego a motlakase o o diegang go tshuba. Sekole sa Kgagodi se tokafatsa maduo Rona re diragatsa fela se se thomamisitsweng ke makgotla a ditsheko, ga tlhalosa Col Motlalekgosi. Mme Jorosi a re ba lemogile gore bangwe batho ba kgona go bona dithuto kwa ditirong le fa go ntse jalo bagodi bone ba beilwe ka fa mosing. Banni ba kgaolo ya Shoshong ba kopilwe go ipaakanyetsa temo gore ba nne le maduo a nametsang. O boile gape a tlhalosa gore fa a sale a simolola kgwebo kgwetlho e tona e a e itemogetseng ke gore matlalo a a tura mme se se baya kgwebo ya matlalo mo lefatsheng leno ka fa mosing ka go dira gore ba rekise dilwana tsa bone ka ditlhwatlhwa tse di fa godingwana gore ba bone dipoelo. Le fa go ntse jalo, Zulu o atlegile mo go nngwe ya ditsheko tse di fa pele ga ga Mmakaseterata Raphael, e mo go yone go kaegang fa ba bosekisi ba ntshitse mabaka a gore lekgotla le e tshololole ka bosupi bo tlhaela. Rre Kgatlhang o boletse mo potsolotsong fa thuo e se selo se se motlhofo ntateng ya dikgwetlho tse di farologanyeng. A re bogadi jone bo na le seelo se se bewang gore monna a bo fitlhelele mme fela le gone a kgona go itela ka se se beilweng pele ga gagwe a supa fa se e se ka gore o a bo a nyatsa ba gaabo mosadi mme e le fela go ipaakanyetsa botshelo jo bo kwa pele. O kopile komiti ya ditlhabologo ya motse (VDC) le ya twantsho borukutlhi go tshwaraganela dikgwetlho di akaretsang go nwa bojwala le tiriso ya diritibatsi, a bo a ba tlama go ruta le go tseela batsadi ba ba ikgatholosang tlhokomelo ya bana ba bone. O ne a boa a ba bolelela fa puso e fokotsa ditshenyegelo ka jalo ditirelo dingwe di tlaa nna bonya. Sekole seo se ne sa abelwa le mealo, didirisiwa tsa metshameko le ditlhare. Kwa lwapeng fa a fetsa go feela, o epela matlakala go a dira manyoro. Bafenyi bao ba ne ba ikgapela kopi, dietsele tsa gauta le paka ya setlhopha sa batshameki. Rre Motlokwa a re o eletsa go godisa kgwebo ya gagwe ka go ruta banana ba bangwe go suga letlalo mme morago e nne bone gape a rekang matlalo mo go bone. A re ga gona sepe se se mo itumedisang jaaka go ipona a tshwere pente le borashe, a dira se se agileng mo pelong ya gagwe e leng botaki. Rre Batshu o buile seo kwa diphuthegong tsa kgotla kwa Madikwe, Senete le Mabuwe ka Labobedi. Rre Molefhi o ne a supa fa dikatlholo tsa batho ba ba gwebang ka diritibatsi di baakantswe e bile di ama dintlha dingwe tse di ka dirang gore batsadi ba bo ba ka iphitlhela ba gogetswe kwa makgotleng a ditsheko ka lebaka la go tlhoka kitso. Kgosi Ntau wa Maleshe ene o ne a gakolola batsadi go tsamaya le bana kwa dikerekeng gore ba tle ba kgone go ithuta lefoko la Modimo ba sa ntse ba le bannye ba tle ba gole ba boifa Modimo, a tlatsa ka go re, ‘poifo Modimo ke tshimologo ya botlhale’. O ne a gwetlha balatedi ba kereke ya Roma go tswa mo mafelong a a farologaneng go tla go rapela mo lefelong leo nako nngwe le nngweka tsholofelo e le gore dikopo tsa bone tsotlhe di tlaa arajwa fa ba na le tumelo. Potso a bo e nna gore, ke eng banana ba sa kgathale mo go kalo. A re seemo se ga se jese diwelang ka jaana tshimo ya ga mmaagwe e ba neng ba e lema e tserwe ke moepo wa magala. O supile fa ba lebanywe ke kgwetlho ya tlhaelo ya dipodi mme a ikuela mo baruing gore ba ba rekisetse mme ba ye go abela setshaba. Dr Khudu-Peterson o kopile batsadi go tshwaragana le bone ka go rotloetsa bana go tlhaloganya fa thuto e le boswa le gone go ba lemotsha ka botlhokwa jwa go ipelega gore ba itirele ka diatla go itshedisa. O gakolotse morafe gore o amogele ditlhabololo, a tlatsa ka gore leeto la bone e ne e le go tsaya megopolo fela e seng go tsaya ditshwetso. O itsisitse morafe fa go tla a nna le batho bangwe ba ba tlaa tsamayang le motse wa Kanye ba rapelela pula ka jalo o kopile morafe go ba amogela ka diatla tsoopedi. Ba buile mafoko a mo diphuthegong tsa mopalamente wa bone yo o neng a buisa diphuthego tsa kgotla mo metseng eo bosheng. Tota moono mogolo wa gagwe wa go bereka mo marekisetsong a dijo, e ne e le go kokotletsa madi a tshimolodiso ya kgwebo ya gagwe, go tlaleletsa talente ya gagwe ya kapei le go ithuta matsipa a go tsamaisa kgwebo ka ane a lora go itshimololela kgwebo ya gagwe ya dijo. Kgosi Radipitse o tlhalositse fa e rile ka Phalane a tlhola malatsi a le lesome le bosupa, Rre Seema a keteka Mme Keotshepile More ka mabole morago ga go tlhoka kutlwisisano. Tona Rre Ralotsia ene a re sa ntlha, banni ba ba gaufi le molelwane mo Botswana ba tshwanetse ba tlhaloganya fa kwa lefatsheng la Zimbabwe gaufi le molelwane wa Botswana, go supilwe fa e le kgaolo e e borai e e nang le bolwetse ja tlhako le molomo. O ne a leboga dikgosi go bo ba eme lenaneo leo nokeng e bile ba rotloetsa morafe go ikwadisa gore ba kopanngwe semolao. O supile fa go na le thulaganyo ya go thusa gore bana bao ba bone thuso e e tshwanetseng. Kgosi Saki ene o ne a gakololwa go sekegela tsebe dilelo tsa banni ba motse oo a sa gogele kobo ntlha epe. A re, balemi ba tshwanetse go nna teng ka nako ya fa ba lemelwa go rurifatsa fa ba ba ba lemelang ba ba lemela sentle. Mongwe wa baatlhodi kwa dikgaisanong tseo, Mme Onkabetse Ramasedi yo eleng morutuntshi wa tsa moopelo le tsa bodiragatsi, a re ba ne ba lebeletse dintlha tsa botlhokwa jaaka modumo, boleng jwa pina, gore a baopedi ba opela go tshwana, tlhaloso ya mafoko a pina le setlhogo, le gore a go na le neelano ya molaetsa. E re a ntse a le mo dithutong a ba gakolola gore fa ba epa seolo ba tlaa bona mmu o mosetlha o o bidiwang khadi, mme one mmu o,o tlaa bo o ba kaela fa ba le gautshwane le go bona khumagadi ya motlhwa. O kopile batsadi go godisetsa bana mo dikerekeng gore ba itse Modimo le go utlwa bothitho jwa lerato la gagwe. Babapadi ba phane ga ba jese kgosi diwelang Kgaisano eo, e akaretsa dikolo tse dipotlana mo metsaneng e e dikologileng Middlepits e bong Kolonkwaneng, Bogogobo, Khuis, Khawa le Gakhibane. A re fa ba ka dira dilo ka morero seo se tla tsisa kagiso le tlotlo fa gare ga bone mme ba fitlhelele maikaelelo a bone. O ile a tlhalosa fa mananeo ao a ne a le mo thulaganyong mme ka ntlha ya kwelo tlase ya itsholelo, a seegelwa fa thoko, ka jalo a tlaa dirwa ka lenaneo la go rudisa itsholelo. A re kwa kgotleng kgolo gone ba tlaa bo ba ganeletse mo dijong tsa Setswana. Banni ba motse ba ne ba nna le sebaka sa go kgwa mopalamente dikgaba, mme bontsi ba supile fa ba itumeletse ka fa mopalamenteng a ba etelang kgapetsakgapetsa ka teng. E rile a araba kgang ya letlhoko la metsi, a tlhalosa fa lephata la metsi le itse seemo, mme a tlatsa ka gore Mogotlho mongwewa metse e e nosiwang ka tanka, mme se se dirwa ke kgang ya letlhoko la madi. O boletse fa lenaneo le tsala mowa wa botsalano magareng ga morutabana, motsadi le moithuti ka botlhe ba nna seopo sengwe, a tlhalosa fa gape le dira gore batsadi ba kgatlhegele go lekola tiro ya bana. O ne a supa fa ba tlaa leka ka bojotlhe go ba thusa go rarabolola diemo tseo. Rre Khumomatlhare a re gona ka fa ba berekang ka teng basa tshware diphuthego ,go buisana ka tiro ya bone,gore ba fokotse dingongorego tsa bareke ,goitsa gore ba tle ba di ntshe mo diphuthegong tsa bo tona. O ikuetse mo batsading ba bana ba bone ba tsenang sekole kwa Matshekge go thusa sekole ka madi go tokafatsa seemo. Bishop Seane o buile se mo pulong semmuso ya lefelo la Grotto le tlhomamiso ya barongwa ba ga Keresete mo kerekeng ya Kreste Motswedi Catholic e e itsegeng ka leina la Roma ka Tshipi mo Tsabong. Fa a akgela mo pegong ya ga ratoropo ka Labobedi, Rre Kgosietsile a re ga go na pabalesego mo toropong mo go dirwang ke lefifi le le bakiwang ke go sa bereka ga dipone tsa mekgwatlha. Makhanselara mangwe jaaka Rre Solomon Ramalejane, a re, e re thulaganyo ya Dithubaruba e tshwara madi a mantsi a go dumelwang e le dithoto tsa morafe, ga e na morero mme dilo di direlwa kwa thoko go ikgatholosiwa se e leng tshwanelo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme Bonolo Eric o ne a kopa mopalamente go ba tswa thuso ka seemo sa kokelwana, a tlhalosa fa se ngomola pelo, segolo jang fa dipula di ka na. Mabaka mangwe e ne e le gore Rre Senwedi o tswa kgakala a wa a tsoga le bone ba sena kgosi, fa bangwe ba ne ba re Rre Kebuamotse ka e le ngwana wa lesika la bogosi jwa Lesenepole. A re lengwe la matshego a vision 2016 ke go nna tshaba e kutlwelo-botlhoko, tshaba e kgatlhalang ka matshelo a batho ba bangwe e bile ele tshaba e rutegileng. E ne ya re asena go dira semmausu se se gogwang ka lebaka, labofelo Mme Jane a tlhoma semausu sa nakwana fa pele ga marekisetso a Hukuntsi a a bidiwang Kwa-ga-MmaZol. O tlhalositse fa batsadi ba tshwanetse go ela tlhoko diphetogo tse di supang tiriso ya bojalwa le diritibatsi jaaka go fetoga ga tshoganyetso ga boitsholo, kwelo tlase ya maduo mo dithutong le gone go sa tsena sekole sentle, go itebala le go eta mogopolo, bosilo le go tenega ka pele, go utswa madi le dilo tse dingwe mo lwapeng jalojalo. O tsweletse a supa fa gantsi dilalome di lalela batho mo mosong le mo maitseboeng. O ne a rotloetsa banana go akanya mo go tseneletseng, segolo jang dikgwebo tse di ka ithekisang e bile di tlhokega thata mo mmarakeng. Molaodi wa Kgatleng, Rre Mompoloki Mochanang o akgoletse banni ba Mmathubudukwane go dirisa lenaneo la puso la Nyeletso Lehuma a re se se supa fa ba tlhoafaletse go itshetsa. A re letlhoko la motlakase le metsi ga se mathata a a tlaa nnelang ruri. Ene e rile a amogela baeng kgosi wa motse wa Mokubilo Botshabelo Dijeng a leboga mopalamente tiro entle e a e dirang ya go ba lekola,a bo a supa fa ban a le mathata a go latela ditlamelong tsa kabo ditsha ko Marapong ,mo areng go a ba turela. Badiri ba kokelo ya Maubelo ba ne ba tshwara thuto-puisanyo le morafe wa motse oo mabapi le dikgang tsa botsogo bosheng. E ne yare bosheng Botswana Congress Party (BCP) ya amogela maloko a masha a le lesome le bosupa kwa Moletemane. Ba re dingwaga tse di masome a matlhano tse lefatshe leno le di ipelelang ke katlego e kgolo fela thata mme ga go thona gore Batswana ba bo ba itumetse. Tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, ke rotloetsa batsadi go nna sekao mo baneng ba bone gore ba bone tse dintle mo go bone, ga bua Kgosi Thwane. E rile bosheng a ya go emela toropo eo kwa dikgaisanyong tsa didirisiwa tse di dirilweng ka matlakala mme a tsaya maemo a boraro lefatshe lotlhe. O boletse fa e le ya di ya thoteng di bapile, mme di tshwanetse go dira mmogo go tlhabolola metse e e farologanyeng mo kgaolong eo. Ba ile ba supa matshwenyego a bone a go tlhoka go thusiwa sentle ke lephata le metsi, ba bolela fa ba tswa kgakala ba ikuela ka lephata leo ka megobe e tletseng gongwe le gongwe le dikoloto tse di sa tlhomameng mme nako kgolo ke eno. Monni yo mongwe Rre Tshwaragano Motswagole one a tshwaela fa ditsha tse disha tsa kgotla ya Borakalalo di tlhaelelwa ke metsi le gore o kopa gore dikgang tsa palamente di boele go balwa mo seromamoweng gape. Mokhanselara yo mongwe wa Serowe legare, Rre Atamelang Thaga, o kgothaditse batsadi go fa bana ba lerato le thuto e e eletsegang. Kgosi ya Setsile kwa kgaolong potlana ya Mahalapye, Rre Senau Ramaribana, o lela ka teme ya Setswana e tsweletseng ka go nyelela. Le fa go ntse jalo, Mme Molapisi o ne a re ba tla a leka ka bojotlhe go fefosa go isa didirisiwa. E rile a tswa la gagwe, Rre Keobokile Bakani yo o dingwaga tse di lesome le boferabongwe, a tlhalosa fa ba le boitseme thata segolo jang fa go tla mo go tsa ipapatso le dipatlisiso tsa go bona gore ke efe kgwebo e e ka dirang bontle mo kgaolong ya bone. O ne a tlhalosa fa se e le kgatelo pele ya morafe mo go lwantsheng botlhoka tsebe mo motseng. Ba boleletse mopalamente gore seemo sa metsi ga se ba robatse. O supile fa ba ne ba kopa thuso kwa lephateng la polokelo ditso, lekgotla la SADC le kwa Botswana National Museum ka sethwantsho se. O boletse fa a tswa kgakala a itshwaragantse le dikole tse dingwe tsa Mpiti kwa Matobo le Goshwe ka go abela baithuti ba ba dirileng sentle. Mme Goitseone Garechaba, wa dingwaga tse di masome a matlhano le boferabobedi yo eleng monni wa Francistown, ene a re o tshwenngwa ke gore bana ba gompieno ba ima ba sale bannye. Ba re erile a sena go jewa ke ditlhopho tsa bulela ditswe a bo a tlhanogela phatlhi a ya go nna moema-nosi. Legale o ne a bolela fa a sa itumedisiwe ke go kgokgontshiwa ke badiri ba tiragatso molao ba khansele ba a reng ba a ba tshwenya ebile ba ba tsaya dithoto tsa bone tse ba rekisetsang mo go tsone. Ntlha e nngwe e ba neng ba e ama ke ya tlhaelo ya dibuka, ba re dibuka di tlhaela thata. Kgosi a re mathata ke gore batho ba ratile diteme tsa batho ba bangwe go feta Setswana. Mme Botsheleng o gwetlha Batswana gore ba sale ditoro le ditalente tsa bone morago ba seka ba di itsapela ka gore di ka fetola matshelo a bone. Ditlhotlhomiso tsa lekalana la National AIDS Coordinating Agency (NACA) di supa fa bomme ba le sekete le makgolo a ferabobedi le borre ba ka tshwara dikete tse pedi ba tlhokafala ngwaga le ngwaga. Rre Goitsemang o ne a supa fa ngogola ba abetse bana ditlhako di le 3 500 go ralala lefatshe leno, a kaya fa ngwaga ono dipara tsa ditlhako tse ba di abileng di le 3 724 go balelwa le bana ba sekole sa Struizendam. A re e le ba bosekisi ba ne ba solofetse fa go tshegediwa mo kgolegelong ga ga Zulu ka lobaka go tlaa mo aga, mme jaanong seemo se tsweletse ka go bifela pele ka jaana a sena boitshoko. A re fa e sale ka 2012 letsatsi la go nna jaana le tshwarwa go le Labone kgwedi ya Moranang e tlhola gane ngwaga le ngwaga, mme gompieno ba tshwere letsatsi le ba itebagantse le letsatsi la mafatshe fatshe la ditlhaelatsano ka mabaka a phetogo ya malatsi a dikole a a amilweng ke dikgaisano tsa bobedi tsa mafatshe a Aferika tsa banana tse di tlaa tshwarwang ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bobedi. Fa a tswa la gagwe Mme Gadibotsile Seolwane a re o lebogelantlo e e segofaditsweng ka yone ka botlhe ba ba tsentseng letsogo mo kagong yantlo ba tlhotlheleditswe ke lorato lwa Modimo ka ba dirile tiro e kgolo molefatsheng le ko legodimong ka ketelelopele ya mowa o o boitshepo. A re le fa go ne go na le tlhaelo, khansele mo ngwageng wa madi wa 2016/17e kgonne go aga matlo le go a fetsa ka nako a le masome a mararo le boraro a batlhoki le kwa banni ba metse e e kgakala le ditlhabololo e bile a filwe beng ba one. Mme Sethono a re o lemogile gore bomme ke bone gape ba ba rweleng boikarabelo jo bogolo mabapi le go tshetsa ba ba ikaegileng ka bone. E rile fa a bua, ko bokopanong joo, mothusa mokwaledi mo lephateng la temo thuo, Dr John Moreki are di thuto seka dipuisanyo tse dikgwetlhilweng ke gore e ne yare puso e sena go lemoga tiragalo e e tsitsibanyang mmele e e diragaletseng ko toropong ya Francistown. A re se ba se dira ka go lemoga fa go nna le madimadi mo polokelong go sena mosola fa seemo sa botsogo se sa itumedise ka go sena ka fa motho a ka akolang madi a gagwe ka botlalo ka teng fa mmele o le ditlhabi. E ne ya re fa ba bona ba aperwe ke lehuma, ba nna le megopolo ya go simolola kgwebo e e bogadi bo gaufi, ba bo ba bona go le botoka go dira sengwe se se ka sekeng se ba lope madi ape gore ba se simolole. Barolong ba ipelela ngwao A re, go gogiwa ga metsi go tswa bokone ja lefatshe go tsweletse, mme a bolela fa ba metsi ba ngongorega ka gore batho ba nosa leruo mo metsing a setshaba e bile ba bangwe ba utswela ba bangwe metsi , selo se se dirang gore ditlhwatlhwa di ye kwa godimo.Bokhutlo Rre Bosele a re le ntswa ba itebagantse le go aga banana, mangwe a maikaelelo a bone ke go tsenya letsogo mo kgodisong ya bodiragatsi ka go ribolola ditalente mo bananeng. Er e le ntswa a ne a itse sentle gore ke mogaka mo go tsa kapei o ne a seka a reetsa dipuo tsa batho mme ka gape a ne a itse fa mmitsantsa a sa tseye thupa o ne a tswelela a bereka a sa ikgasekgasetse bahiri ba gagwe a itse gore ene o gabile go anya dithuto le botsipa jwa go tsamaisa kgwebo. Kgosi Malope o ne a tlhalosa fa maemo a ga Kgosi Bome a pele jaanong a tla a fiwa kgosana ya kgotla ya ga Taukobong, Rre Sane Kgotlaetsile. O ne gape a kopa bakgweetsi go emisa go nwa bojalwa ba bo ba kgweetsa, a tlatsa ka gore koloi le bojalwa ke disela mmapa. Go na le melao e mengwe gape ya bo-money laundering (go tlhatswa madi), tshwenyetso setshaba le borukutlhi jwa baiphatlakanyi (terrorism) e e dirilweng, mme ele tshwanelo gore le itse ka yone, a rialo Rre Molebatsi. Kwa Setsile ba atla mananeo Ba tlhalosa fa se se ka hema botlhokatsebe ka jaana go ka ba kgontsha go ruta bana boitshwaro jo bontle go na le fa ba kgaogana le bone ba sa le babotlana. O ne a tlatsa ka gore puso e dirile maiteko go netefatsa gore diritibatsi di phatlalatswa le lefatshe, ka maswabi go santse go na le bangwe ba ba sa nweng diritibatsi mme seo se baya matshelo a bone le bakapelo ba bone mo diphatseng. A re tlhaelo ya boroko le matlo a borutelo e sa ntse e tshwenya, bogolo jang ka gore bananyana ba pre-school ga ba na fa ba rutelwang teng, fa bangwe ba baithuti ba rutelwa mo ntlong ya mabeelo a dithoto. A re le fa diromamowa le Botswana Television di setse di lo kuetse, fela o bona go le botlhokwa go lo ba rolela semmuso. A re kgaolo e ba e okametseng e na le dikgang tse dintsi thata tsa kgokgontsho. E rile a bua mo boemong jwa basetsana Taffinah Motanzi o ne a leboga Dignity Trust Foundation go bo e bone go le maleba go ba abela dimpho.. E rile go utlweng fa lephata la bong, Gender Affairs, le thapholotse letsogo, setlhopha sa bomme ba bane le borre ba le babedi kwa Sefhare sa seka sa batla go tlolwa ke sebaka seo. O lebogetse tiro e ntle e e dirwang ke mokgatlho oo wa baoki, a tlatsa ka gore tiro ya boithaopo ke tiro e e thata, a re ba seka ba inyatsa ka se ba se dirang mme ba tshware fela ka natla. O ne a tlhalosa gape gore o itumelela thotloetso e a e bonang mo banning ga mmogo le khansele ya toropo ya Jwaneng. Rre Kwelagobe a re phenyo ya bontlhopheng ba BDP e tlaa thusa phathi eo go fenya ditlhopho gore e kgone go tswelela ka mananeo a go tlhabolola matshelo a batho. O ne a ikuela mo go boraditerekere go emisa kgang ya go phaka masimo ka e ba diela go lema. Mogolwane o tlhalosa fa lephata la thuto le tlhaelelwa ke ditsompelo, ka jalo go le botlhokwa go bona seabe sa dikhamphani ka Setswana se re setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata le gone gore bana ba motho ba kgaogana tlhogo ya tsie. A re ka ntlha ya seo, go tshwanetse ga dirwa maiteko otlhe go leka go hema gore bolwetse bo tlolele mo lefatsheng leno. Mogolwane go tswa kwa lephateng la diphologolo le makgabisa naga mo Tsabong, Rre Otlaadisa David, o ne a tlholosa fa noga eo e bidiwa ‘boomslag’, e e leng botala jwa tlhaga ka mmala, e bile ele borai thata ka go se motlhofo gore motho o ka tshela fa e mo lomile. O ne a supa fa letlhoko la ditiro le tshwenya, mme go tlhoka gore ba-na-le seabe ba tshwaragane go tswa ka maano a go tlhama mebereko. O tsweletse ka go kopa magosi go tshwaragana le barutabana go laola boitsholo jwa bana mo dikoleng, a re seo se ka tokafatsa maduo le gone go aga bana, ba ba ka tsogang ba nna baeteledipele ba ba nang le boikarabelo mo setshabeng. O tlhalositse gore, nngwe ya dikgang tse ba neng ba di tsibogela ka kgakololo ya komiti ya COVID-19, ke ya go thusa batho ba ba neng ba kaeletswe go sena dipalamo magare ga Molepolole le Gaborone go boela kwa mafelong a ba nnang kwa go one. Mme Motshidisi a re ba tshwenngwa ke banana ba bainaakantseng le dino tagi le go goga motokwane, a re maikaelelo ke go ba kgobokanya gore ba ba agele mo tumelong. E ne ya re bosheng maloko a kereke ya Galalea go tswa mo mafelong a a farologaneng a lefatshe leno ba bo ba kgobakanetse kwa Tshidilamolomo go abela bana ba le lesome le boferabobedi ba masiela le ba bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong jaaka ba ba tshelang ka bogole gammogo le bagodi dikobo, melora le dijo. E ne ya re go le pele, Mogolwane go tswa kwa NACA, Mme Gloria Rakgotla, a supa fa ditlhothomiso ka HIV/AIDS e se tse di nametsang ka jaana lefatshe leno, le le mo maemong a boraro ka selekanyo sa 18.5 per cent mo Borwa jwa Aferika. O tlhalositse fa a lemogile gape fa banana ba tshaba dikgwebo tse o akareng di tlhoka gore motho a akanye thata, e bile di gwetlha, mme ba rata tse di motlhofo tse di ratwang ke mongwe le mongwe. O tlhalositse fa lekwalo la ga Samuel wa bobedi kgaolo ya bosupa temana ya botlhano le re Ya o reye motlhanka wa me Dafite o re; a o tlaa nkagela ntlo ya go tla ke aga mo go yone. Kwa bofelong Rre Goya o ne a ntsha madi a a kanang ka P40 000 go simolodisa kago ya kereke eo. Rre Ngake o netefaditse fa ba ofisi ya ga molaodi le bogogi jwa khansele ba tlaa kopana le diofisi tse di maleba go bona gore ba dira jang ka seemo se. Mme Mpole o boletse fa a tsere lenaneo leo ngwaga wa 2014 mme le ntswa ene ele motho wa go rata go itemela mo lwapeng a itirela ka diatla seo se ile sa mo tiisa moko fa a bona thotlhoetso. Mogokgo o supile fa bana ba ba tshwenyang thata ka go ngwega mo sekoleng e le ba Bokspits, Khawa, Maralaleng le Omaweneno. O tlhalositse fa ba boloditse letsholo kwa Gaborone le Maun mme a re o solofela gore mo tsamaong ya nako ba tlaa fitlhelela mo dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno. Kgosi Segotsi o boletse mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe, kwa dikgotlaneng tsa Dilaene, Parwe, le Mmapheretlha gore baeteledipele ba motse ba eletsa go bona mongwe le mongwe ka letsatsi leo a bo a apere kapari ya mebala e e tsamaelanang le folaga ya lefatshe la Botswana. Tona wa lephata la ditsha le matlo, Rre Prince Maele, a re e re ka mmuso o thapolotse letsogo mo go thuseng Batswana ka lenaneo la ISPAAD le LIMID go tlhabolola seemo sa temo-thuo, go mo maruding a bone go tsaya temo-thuo ele kgwebo e ka ba inolang mo lehumeng. O supile fa ba tsile go gakolola Batswana gore go kile ga bo go na le maitiiso a setapa ba lala ba bina bosigo jotlhe, mme go sena dintwa fa e se boitumelo fela. Rre Tseleng o boletse fa mananeo a banana a madirelo a borotho le ba ba rokang a tsweletse sentle e bile ba ne ba filwe madinyana gore ba ithuse kwa malwapeng. O kopile puso go akanyetsa go tlhoma ntlo nngwe ya dikgosi e e tla itebaganyang thata le boitshwaro ‘Moral Regeneration Council, a re se seka thusa fela thata mo katlegong ya maitlamo a setshaba ya tebelopele ya setshaba (V2016). Rre Tese o ne gape a supa fa sengwe le sengwe se ngwana a se dirang mo bonnyeng se gola le ene, a re ka jalo go botlhokwa go godisetsa bana mo tseleng ya tshiamo. O kgothaditse balemi go tsaya dikgakololo tsa balemisi ka dinako tsotlhe go ntsha thobo e e nametsang. Ba tlhaloseditse mo puisanong bosheng gore ba simolotse ka go boloka dinotshe mo mabokosong a mabedi mme ya re ba sena go lemoga fa Batswana ba supile ba rata tswina le mamepe, ba kgobokanya dipoelo ba tlhatlosa madirelo a bone ka go reka mabokoso a le mararo go dira a le matlhano. Kgothatso e, e a wela mo mmung o o lokgarapana ka Mme Leah Mosinyi yo o dingwaga tse di masome mararo, yo o tlholegang kwa Serowe le Rre Khumo Nsala wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabobedi wa Maitengwe ba inaakantse le kgwebo ya go roka kwa Francistown. Mme Abigail Stevenson go tswa kwa ofising ya District AIDS Coordinator (DAC) a re maikaelelo a letsatsi leo la mafatshe la segopotso sa HIVAIDS sa go tshuba dikerese ke go gakologelwa ba ba latlhegetsweng ke matshelo ka ntata ya segajaja se. Go tsibogela se, Superintendent Mogatsaseno o kopile setshaba go emisa go reka dithoto tse go belaesegang e le tsa bogodu. Kgosi George Thwane wa Artesia o tlhaloseditse bokopano joo ka molao wa lefatshe le ditsetlana tsa molao di akaretsa go thubetsa, go robalana ka losika (incest), go robala le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga, a re melawana yotllhe e botlhokwa ka e ka thusa go tsaya ditshwetso tse di maleba e seng motho a itseela molao mo diatleng mme a feletse a lebisitswe molato. Rre Lesedi o boletse fa go utlwisa botlhoko gore ebe borre ban a le seabe mo ditshokamong tse di aparetseng lefatshe leno mo bogompienong, a tlhalosa fa ele nako ya gore ba itseye motlhala ba bone fa ba duleng mo seporong teng. Le fa ntswa a sa tsena sekole e bile a sa itse go bala le go kwala, o dumela fa a kgona tiro ya gagwe ya go ranolela morafe wa Sesarwa ka botswerere. A re ba bone go le botlhokwa go siela bagodi tee le go ba fa tlhompho le go tshegetsa letshego la tebelopele ya setshaba, la tshaba e kutlwelobotlhoko. Mme Kinnear a re ga ba na mananeo a ditiro tsa sennelaruri a Ipelegeng, fa ese go kgaola ditlhare, a bile a ikuela ka dipalo tse di kwa tlase tsa badiri ba Ipelegeng. E rile kgosi Tsoebebe Duncan Segotsi wa Mahalapye a amogela baeng mo motsing wa gagwe, a lebogela bakeresete ba kereke ya Sabata go direla bagodi tiro e ntle ya go ba direla dijo tsa motshegare le go ba abela diaparo go supa lorato tlotlo mo go bone ka Setswana sere tlotla mmago le Rraago gore malatsi a gago a tle a oketsege. Fa a tlhalosa ka botlalo ka fa lenaneo le berekeng ka teng, Mme Dimpho a re morutabana o ruta fela jaaka malatsi otlhe go fitlhelela maikaelelo a thuto e a e rutang, e re morago a fe baithuti dintlha tsa botlhokwa tse di salwang morago ke dipotso tse di tshwanetseng tsa dirwa kwa lwapeng. Moletlo wa ipelelo ngwao o tsamaile sentle Fa a mokgwa kgaba, mothusa tona wa botsogo Dr Gloria Somolekae, o rile o itumelela go bo Batswana ba bona thuso ya puso, mme a supa fa letlhoko la madi ele lone le paledisang go tsweledisa ditlhabololo tsotlhe tse di tlhokegang. O tsweletse a re, nako e gorogile ya gore Batswana ba leme dijwalo tse di tla a ntshang ditlolo tsa moriri gammogo le mafura a a apayang. A re, seo, se tla fema dikgang tsa gore mo bokamosong batsadi ba bo ba re ba ne ba sa rerisiwa sepe. Kgosi Mojuta a re Batswana ba itsewe ka go ratana mme mo bogompienong go lebega seo se nyelela ka bonya, mme a tlhalosa fa se se ka dira gore go nne le letlhoo le le ka felelang le kgaoganya batho. O boletse gore setlhopha sa bone se ne sa romela leloko la bone teng kwa Aferika Borwa go ya go anywa botsipa kwa komponeng nngwe e ba dirisanyang le yone mme morago a tla go ruta ba ba neng ba setse mo gae. A re dilo tseo di tlaa ba itaya tsebe, a gatelela ka gore bana ba tshelela mo metlheng ya gompieno e e diphatsa ka bana bangwe ba tsholwa ba na le mogare wa HIV, ka seo ba ka anamisa bolwetse joo mo go ba bangwe ka go inaakanya ka tsa marato ba sale bannye. ASP. Moletlooo, o ne o tshwerwe ka fa t lase ga setlhogo se se rengBonno jwa me,lebopo larona,ke boikarabelo jwa rona. O supile gore matlwana ao le one a tlile jalo ka thuso ya baithuti ba booki go tswa kwa Serowe Institute of Health Sciences ba ba neng ba direla mo Letlhakane ka nakwana ka 2012. O ne gape a leboga tautona ka jaana a ba etetse e bile le bone bat la amogela dimpho tsa dikobo go tswa mo go ene. Ba tlhalositse fa ditshingwana tsa merogo tsa nyeletso lehuma mo digotlong di sule e bile ditlamelo dingwe tsa tsone di ise di bo di tle. O kaile fa ba lebannwe gape ke digwetlho tsa go agelela lebala la mabelo a dipitse le gone go aga matlo a boithomelo ka seo se ka ba thusa mo direng letseno la madi le le botoka ka ba felela ba sa dire madi mo kgwaraneng mo dikgaisanong tseo. Mme Maria Selelakgama yo o nang le masea a mabedi e bile a itsholofetse, ke mongwe wa bao ba reng ga ba thusiwa ka mabaka a gore mmaagwe o a phaka ntswa seemo se le maswe. Banni ba Sedie ba kopilwe go tsaya thuto ya bana ba bone tsia ka thuto e e ka tlhabolola botshelo jwa motho. Dipolasi di itsa metse go gola O ba rotloeditse go eteletsa dikeletso tsa morafe kwa pele go na le tsa batho ka bongwe ka bongwe. A re mokgwa oo o o ila lebaibai. Ba sepodisi sa Botswana mo dikgaolong tsa Shoshong, Mahalapye, Machaneng, Martins-drift le Dibete ba tsweletse ka go ipaakanyetsa malatsi a boitapoloso a ngwaga o mosha ka go dira dikganedi mo ditseleng. O ne a supa fa seemo se se ngomola pelo segolo jang morago ga go tswalwa ga moepo wa kopore wa toropo ya Selebi Phikwe, ka jalo a supa fa go itirela kgwebo e le yone fela tsela e e botoka go ithusa ga mmogo le gone go tsholetsa itsholelo ya lefatshe la Botswana. Rre Phia o ne a bua gore, banana ba motse wa Kumakwane ga ba dirise mananeo ka fa go kgotsofatsang ka teng ka jaana bontsi ja bone ba sa a tsaya. A re, lefatshe leno le sego go bo le nale Tautona yo o lemogang fa Modimo e le one botshabelo fa mabaka a botshelo a le thata, a tlatsa ka gore mokgosi o o neng wa tlhajwa ke tautona ke sesupo sa moeteledipele yo o nang le tebelopele e bile a goga setshaba sa gagwe ka botlhale. Tona a re e re ka lephata la gagwe le apesitswe ke dikgang tsa tiego ya go abiwa ga lefatshe le tlhaelo ya lone,ke sone se a laetseng badiri ba makgotlana a kabo ditsha go simolola go theogela ka nako ya dijo tsa motshegare le go gapa ditsha tse di fetogileng matlotla. Tshetlho ke semela se se nang le matlhare a matala mme gantsi e tswa fa pula e nele mme e tsaya lobaka go nyelela. Godimo ga moo, Rre Marcelino o gateletse fa go le botlhokwa gore batsadi ba tlhaloganye bana ba bone botoka le go itse gore ba kae, ba tshameka kgotsa ba tsalana le bana ba fe, ka gore bana ba kgona go raelwa ke ba bangwe go dira tse di duleng mo tseleng. O tlhalositse gore ba ne ba lemoga gore banni ba kgotla e ba dirisa sekgwa mme seemo seo se ka baya matshelo a bone mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse le gone go kgotlela tikologo. Rre Chepete o ne a tlhalosa fa ba lolwapa lwa gagwe segolo jang mohumagadi, Mme Kabelo Chepete, ba mo eme nokeng thata mo kgwebong. E ntse e le mo loetong lwa ga mopalamente, banni na Kutuku ba itumeletse go lekodisiwa ka tsa palamente le ditshwetso tsotlhe tse di tserweng. Borre ba kopiwa go tsibogela botsogo Mme Kgotlaetsile a re morago ga go fiwa lenaneo, o ne a tia moko go bo e le ene mong le moeteledipele wa kgwebo eo. Mme Rakgotla o ne a gwetlha setshaba go tsaa mananeo ka tlhwaafalo, kemiso ya marato a magokanyane, tiriso botlhaswa ya nnotagi le yone kemiso ya tlhakanelo dikobo ya bana ba ba botlana le batho ba batona e le methale mengwe e e ka thusang lefatshe go fitlhelela maitlamo a beilweng ke lekgotla la ditshaba la go fedisa bolwetsi jwa HIV/AIDS ka ngwaga wa 2030. A re se se kgobang marapo ke go re go santse go na le bana ba sekole ba ba kgonang go tlhola mo mebileng ka nako ya sekole. Mo go tse dingwe, o ne a supa fa ba ba ikemetseng ka nosi, ba go tlhwaelesegileng ka leina la mekoko, dipalo tsa bone di le kwa godimo fela thata. Komiti e e okametseng kago ya leobo la kgotla kwa Mmadinare e kopilwe banni ba motse oo go e ema nokeng gore e kgone maitlamo a go aga leobo. O tlhalositse fa e ne e rile pele, batsadi ba bo ba ne ba sa begele mapodise le magosi fa bana ba bone ba dira botlhoka tsebe ka go ne go lemosega fa bane ba na le letshogo le le ntsi mo baneng ba bone. Tona o boletse fa Botswana e tlhokana le 60 million litres ya mashi mme Batswana ba ntsha 3 million fela mo go sa lekanang. O ne a kopa balemi go ipaakanyetsa temo ya ngwaga ono ka ba tepo loapi ba setse ba boletse fa ngwaga ono e tlaa nna o monamagadi. A re tiro ya go nna jalo e ba busetsa kwa morago ka go lekanyetsa dithoto tse a ka di isang kwa marekisetsong. O ne a rotloetsa banni ba metse go seke ba leba bana ba bone kana bodiredi bo direla ba ba tlhokileng fela mme le bone ba tshwanelwa ke go ipopa ditlhopha mme ba thuse ba ba tshelang le bone mo motseng. O ne gape a tlhalosetsa batsadi gore baithuti ba ba sa tswang go fetsa lokwalo lwa bosupa ba tla seke ba fetele kwa sekoleng se segolwane fa ba tsere maemo a D, mme ka jalo ba tla fiwa sebaka go boelela lokwalo leo gape go netefatsa gore ba dira sentle. O boletse fa mokgwa o wa go mpampetsa ele one o latlhang bana o bo o dira gore ba gole ba sena boikarabelo. Kgaolo eo ya botlhophi e na le mafelo a botlhophelo a le masome a mabedi le bongwe (21) fa ba batlhophi b aba ikwadisitseng ba le 10 233. Fa a bua mo tirong eo, mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, o supile fa seabe sa kereke se le botlhokwa thata mo lefatsheng leno, ka jalo go lebosega go bona bomme ba kereke ba inaakantse le go diragatsa mowa wa kutlwelobotlhoko. A re bomme ka e le bone ba tshabelelwang segolo bogolo ke go aparwa ke manokonoko a lehuma, ba tshwanetse ba ema ka dinao ba supa fa le bone ba na le thata le bokgoni go ka fetola matshelo a bone le go direla malwapa a bone khumo. Mme Jansen o boletse fa a ne a oketsa ka go lema merogo, selo se a supileng fa se ne sa mo tlodisa melatswana. Ba ne gape ba tlhalosa fa e le boitumelo fela mo dipelong tsa bone ka jaana ka akola mananeo a puso sentle e bile go na le maungo a a nametsang. Kgosi a re bone e le ba bogosi ga ba senke dikgang tsa bonyatsi. Bobedi jo bo tlhalositse mo potsolotsong gore kgwebo e, ba e simolotse ka 2010 morago ga go tsamaya le dikhamphani tse di rokang go batla tiro le mororo ba ne ba sena kitso le lesedi lepe la go roka. Banka ya Barclays kwa Palapye e abetse bana ba sekole se sebotlana sa Ratsie paka ya sekole ya mariga, e e ba lopileng P13 500. Ba dumelane mo phuthegong eo gore motsadi mongwe le mongwe, segolo jang bomme, ba simolole go ela bana ba bone ba basetsana tlhoko fa ba le mo seemong sa boimana. A re tiro ya go betla ga e dirwe ke mongwe le mongwe ka motho yo o betlang a tshwanetse a betle se se elediwang ke batho e bile se lebega. O tlhalositse fa ba tshwenngwa ke kgang e mo go yone batlhophi ba ikwadisang gantsi fa ba latlhile dikarata tsa bone, a fa sekai ka mongwe kwa kgaolong ya botlhaba ka 2009, yo a tlhalositseng fa a ne a ikwadisitse mo mafelong a a farologaneng a le lesome le botlhano. Ka jaana lerato lwa gagwe le ne le phophoma mo thokong ya matlalo, ka lesego ba khansele -potlana ya Hukuntsi ba ne ba mo romela kwa sekoleng, go ya go ithuta go suga matlalo. A re mokgatlho oo, o tlhamilwe ka go lemoga fa khumanego e sa reye gore motho ga a kgone go ikakanyetsa, ka jalo go le botlhokwa gore le fa motho a ka aparwa ke lehuma le le bokete go le kae a tle ka methale e e ka mo kgontshang go fetola seemo sa botshelo jwa gagwe. E rile a tswa la gagwe, mogolwane mo lephateng la thuto mo kgaolong potlana ya Letlhakeng Rre Mokwadi Tese a supa fa thuto e tlhoka motsadi, ngwana le morutabana. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Medie, mothusa tona a re gore mo nakong eno, lenaneo la nyeletso lehuma le be le santse le le mo thulaganyong ya go thusa batho ba babedi kwa motseng wa Medie go tshwenya ka jaana go kgoreletsa maiteko a puso a go tlhabolola matshelo a Batswana. Mokwaledi wa khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau Rre Gofaone Kgabanyane, a re komiti e e lebanyeng ga e ise e ba lekodise se, ka jalo ba ne ba ne ba sena kitso ka go salela morago ga tshekatsheko ya malapa mangwe ba masimo a Mahatlhe. O ne a iteela legofi tirisanyo mmogo e, e a tlhalositseng fa e tlaa thusa go nolofatsa go ithuta. A re mananeo a banana a YDF a tsweletse sentle, a tlhalosa gore le le lengwe ke lone le le phutlhameng. Mme Sesi Makgolwane yo o neng a abelwa ntlo o ne a supa boitumelo jo bogolo. A re mpho e, ke tsela nngwe ya go tla go bona matlhoko a baithuti le sekole gore mo isagong ba ka ba thusa jaang. A re bogodu jwa leruo le dithoto bo gola tsatsi le letsatsi ka jalo a kopa banni go bega borukhutlhi bope jo ba bo bonang. A re borre ba tshwanetse go rola dihutshe, ba phutholole mabogo, ba eme felo go le gongwe go fitlhelela e fela. Kgosi Monyemana a re magosi le bone ba seka ba ipona tsapa go etela dikole tse di mo metseng ya bone go lekola bodiredi le baithuti a re seo se ka kgothatsa barutabana le bana ba sekole go dira ka natla. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya thuto le botsogo mo khanseleng-potlana ya Mahalapye, mokhanselara Nametso Koma o ne a gatelela botlhokwa jwa go ruta setshaba ka ditlamelo tsa ba-na-le bogole. A re go botlhokwa gore banana ba ikgaphe mo ditirong tsa bosinyi di tshwana le go itontela nnotagi ka jaana di na le seabe se segolo mo go ba senyetseng bokamoso. A re go direng jalo ba tlaa bo ba kgona go lemoga dikgomo tse di sa tsweng matlhabelong mme ba tseele badiramolato dikgato. Kgosi Motshwane a re o ikuetse kwa molaoding ga mmogo le tona ya tsa pereko le selegae gore ba tle go tshwaraganela kgang e mmogo. Rre Lorato are bogodu jwa dikoloi le jone bo wetse tla fela mo go kgotsfatsang a supa fa ba ise ba itemogele go thubiwa ga dikoloi ka go utswiwa ga tsone. A re metsi ke tshwanelo ya motho mme fa a seyo go nna le mathata a a seng kana ka sepe ka gore metsi ke botshelo. E ne ya re ka Labone Phukwi 29, komiti ya ipaakanyetso letsatsi la ga Tautona ba tshwaragane le ba Lady Khama Charitable Trust ba supa setshwantsho sa motshikhinyego ka botshelo jwa tautona wa pele, Sir Seretse Khama le mohumagadi wa gagwe, Ruth Khama kwa kgotleng kgolo ya ga MmaNgwato. Mme Gare a re dingwe tsa dikgwetlho tse a kopanang le tsone ke go bona matlhare a mokolwane. Rre Mochanang o tlhalositse fa Mmathubudukwane a setse a na le ditiro tsa nyeletso lehuma di le 80, mme go bereka tse 73 fa di le supa di phutlhame. Thoromo e e amileng Orkney kwa Aferika Borwa, e akanyediwa go nna ya bokete jwa 5.3 mo sekaleng sa RICHTER e gatisitswe ke mafelo a feta boraro eleng Magotlhwane mo Botswana, Aferika Borwa, Zimbabwe le Zambia. Mopalamente wa Gaborone Borwa, Rre Kagiso Molatlhegi a re o tshwentswe thata ke maduo a dikole aa sa nametseng. Mokhanselara wa Tutume Bophirima, Rre Ishmael Mokgethi o supile fa a sa amogele mogopolo wa go godisa kgaolo eo, a re o kopa gore bogolo ba ka bo ba ne ba tsholetsa Tutume go nna kgaolo pele fa ba akanya go dira Nata kgaolo-potlana. O tsweletse a supa fa e sale rraagwe a mo rolela marapo, a ne a itoma molomo wa tlase go ntsha maduo gore a seka a swabisa ene rraagwe yo a mo kwata bololetseng botsipa. A re maikaelelo a go nna setshaba se se senang mogare a ka atlega fa rotlhe re ka tshwaraganela ntwa kgatlhanong le mogare wa HIV. A re jaanong ithutuntsho eo, e file banana maitemogelo a go re fa ba simolola go tsena mo kgwebong, e ka tswa e le ya mofuta ofe fela, banne le ditsholofelo dife. O kopile gore go okediwe dikago tsa puso di akaretsa diofisi, matlo a boroko a bodiredi ga mmogo le matlwana a boitiketso kwa sekolong se se botlana. Rre Kadibadiba a re dikereke ga di tsene diphuthego tsa kgotla, a re tshwaragano ya dikereke ke yone fela e ka dirang gore ba fenye dikgwetlho. A re le fa e le yone puo tota ya Setswana bana ga ba e itse, ka gore go ganeletswe mo dilong tsa dingwao di sele. Rre Motshegwa o tlhalositse fa maikaelelo a morafe e le go neela puso diofisi dingwe tse di tlaa agwang le leobo leo go thusa puso mo go tlhabololeng motse. E rile a lebogela dimpho tseo,Moeteledipele wa mokgatlho oo, Rre Gomotsegang Ganetsang a tlhalosa fa kompone eo e dira go tlala ka diatla,ka e rile bosheng ya ba fa malao a mangwe a le masome a mabedi gape.A re kompone eo gape e ba tlisetsa metsi gararo mo bekeng gone ko motseng oo gore a kgone go apeela bana ba ba ka tshwarang masome a marataro ka palo.O ne a lebogela dimpho tseo, a supa gore o di kgobokanyetsa golo go le gongwe mme di tlaa tsena mo tirisong ba sena go nna le kago ko setsheng sa mokgatlho oo. Ngwana sejo o a tlhakanelwa Mookamedi wa baoki mo sepateleng seo Mme Selina Sethibang le ene o ne a lebogela dimpho tseo a kaya fa di tlaa tlisa pharologanyo le monyenyo mo balwetsing. Kgosi a re mo motse wa gagwe o okametse morafe o o dirwang ke merafe e ka nna metlhano e bong, Baherero, Makhalate, Barolong, Bakgalagadi le Bakgothu, mme ka dingwao tsa bone bogadi jo bo ntshediwang bana ga bo na katlholo, go tswa fela ka go itela ga yo o ntshang bogadi mme o fitlhele a ntshitse se a nang naso. Fa a supa dipalo tsa borukutlhi le dikotsi tsa kgaolo eo mogolwane wa Sepodise wa kgaolo ya Good Hope - Mabule Rre Tshegofatso Mokumakwa o ne a supa matshwenyego a dipalo tsa borukutlhi le dikotsi tse di diragalang thata mo motseng wa Pitsane. A re bangwe ba batho ba ba neng ba senyeditswe ke pula ba ne ba fiwa boroko ke baagisanyi, fa bangwe bone ba ne ba ithaopa go rulela matlo a a neng a tserwe ke phefo. Tona wa boagedi, mesepele le merero ya bong, Rre Edwin Batshu a re go emisa kana go tla ka tharabololo ya go nyeletsa mokgwa wa go nna mmogo batho ba sa nyalana ka fa molaong, go tlaa thusa go rarabolola mathata le dikgang tse di ntseng di kgoreletsa thokgamo mo malwapeng. Mme Ntoba le ene a re ntswa a itemogela dikgwetlho di le mmalwa tebang le go ithuta go bala le go kwala o setse a godile, se ga se na go mo kgoba marapo go diragatsa toro ya gagwe ya go bona lesedi la thuto. Fa o bona ngwana a tla a rwele dilo tse o sa di itseng, latisisa go bona gore ngwana o di tsaya kae. A re ke gone mo ba dirileng gore mongwe le mongwe a nne le seabe jaaka baopedi ba dikhwaere; dibini ba mmino wa setso; badiragatsi ba diletswa tsa setso, le batshameki ba kgwele ya dinao. Superintendent Badisang o buile mafoko a morago ga gore monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo wa kgotla ya Madiba a bolae mosadi wa dingwaga tse di masome a mabedi le boraro mo bosigong jwa Laboraro gaufi le sekole sa Madiba Senior Secondary. Mme Gabathusi o boletse fa mme yoo, yo o neng a bona dikgobalo tse di masisi, a sedilega kwa kokelong ya Bamalete Lutheran mo Ramotswa. Rre Moseki a re go a tshwenya go bona banana ka bontsi ba kgobokanngwa ke nnotagi, selo se se ba ntshang mo tseleng mme ba tlhoke boikarabelo. 'Ditlhabololo ga di dirwe go oka batlhophi' O ne a tlhalosa gore ka lenaneo la kgopo ya metsi lele mo tsetlaneng ya ditlhabololo ya NDP10 lea rulaganyediwa ka jaana le batla madi a mantsi ka gore metse mengwe emo mantsweng jalo matlo mangwe aa go babaellwa fa lenaneo le dirwa,jalo go tlhoka madi a ditlamorago tsa teng. O ne a ba gakolola go ikokobetsa go ineela le go direla Modimo ka pelo yotlhe le lorato ka go rera lefoko la gagwe jaaka e tlaa bo e le badisa, bagogi, bagakolodi ba basha, a kaya fa poifo Modimo e le tshimologo ya botlhale. Ba kgothadiwa go lebogela Modimo malatsi a botshelo Ka dikgang tsa bogodu jwa leruo, ba boletse gore ditsheko tsa teng di sekelwe mo makgotleng a Setswana e seng a bommakaseterata. A re motse oo, o setse o sena kgosi morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Mogakolodi Mpaesele ka 2014. Fa a bua mo puisanong bosheng, mogolwane wa tlhokomelo ntlo ya ditso ya Kgosi Sechele I, Rre Power Kawina o tlhalositse gore le fa seabe sa Bakwena mo go somareleng ngwao le ditso tsa bone e le sa maemo a a kwa godimo mme gone ba saletse morago golo gongwe. Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Rre Moncho a ne a tshwelwa lerole ke motsamaisi wa dingwe tsa dikgang tseo Inspector Future Mojadife ka go supa metseletsele ya go tlosolosiwa ga dikgang tseo, di ama basekisiwa le babueledi ba bone. Mopalamente Seretse, yo e bileng e le tona wa lephata la peeletso, papadi le madirelo, o buile jaana ka Labobedi fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Mahetlwe. A re o akgola puso go menagane ka gore mananeo a nyeletso lehuma a fetotse botshelo jwa gagwe le ba lelwapa la gagwe ka ponyo ya leitlho. Rre Butale a re le fa go ntse jalo maduo a baithuti ba mophato wa botlhano ga a jese diwelang, ka jalo a supa fa tshwaragano ga reng ga batsadi le barutabana e le yone e e ka tsisang tharabololo gore maduo e nne a a nametsang. A re go lema ka pula ya ntlha go thusa gore molemi a seka a iphitlhela a amilwe ke seemo se se ka tlhagogang sa komelelo fa temo e ntse e tsweletse, mme ebile a kaya fa mogote o o ka tshubang dijwalo o se montsi thata ka nako ya pula ya ntlha. Mokgatlho oo wa Kagisano Society Women’ Shelter, o tlhamilwe ka maikaelelo a go lwantsha kgokgontsho, go sidila maikutlo ga mmogo le gone go thusa bao ba ba sa kgoneng go ikuela tebang le tsa kgokgontsho go hupuloga, go kopa dithuso nako e sale teng. A re go bulwa ga ntlo ya pelegi kwa kokelwaneng ya Sesame ke maiteko a matona thata ka batho ga ba latele ditlamelo kgakala. Rre Mohube a re ba lebanwe ke dikgwetlho di akaretsa tlhaelo ya dipalamo, go sa tleng sekoleng sentle ga baithuti le maduo a a bokoa segolo jang kwa dikoleng tse di kgakala le ditlamelo. Kgosi Motshwane o tlhalositse fa se se ngomolang pelo le go feta ele ba ba tlhokanang le go tsenelela lenaneo la PMTCT ka bone ba sa bone dithuso gotlhelele. Bagwebi ba kgothadiwa go tia moko Rre Satomana a re ba mo tseleng ya go ya go ikuela kwa mapodising le ba matlhoko a leruo gore bogolo dikgomo tse di isiwe kwa matimeleng ka gore bone ke bagodi e bile dikgomo tse di lebelo fela thata ka jalo ba ka se kgone go di tshwara. Ba re ga ba eletse go ipona e le bakopi . A kaya fa molao o letla gore se ka dirwa ke Motswana mongwe le mongwe yo o dingwaga tse di lesome le boherabobedi go ya kwa godimo Rre Magowe o ne a gakolola bakgweetsi le setshaba ka kakaretso go ikopanya le go itsise ba ofisi ya bone ka nako ya fa ba fapaanya dikoloi go itsa diketsaetsego tse di ka kgonang go nna teng magareng ga bone a go tlhoka go tshwana ga di nommore tsa di engine fa ba kgethela dikoloi tsa bone. Rre Joseph Kgokgothwane o ne a re ke lesego le le gaisang fa Batswana ba tlhophelwa maemo a a tshwanang ao ka a ka baya lefatshe leno mo seemong se se kwa godimo le go tlotlomatsa serodumo sa Batswana. Tona Madigele, yo gape e leng Mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang, o rotse dimpho tseo mo phuthegong ya tekodiso ka dipaakanyo tsa tiro eo ka Labobedi. Ka 2014 sekole se ne se dirile 69 per cent, ka 2015 sa gatisa 53 per cent, fa ka 2016 se ne se dirile 76 per cent, ka 2017 sa dira 70 per cent, mme ngogola sa tsholetsega go dira 81.3 per cent. Dr Venson-Moitoi o ne a tsibogela matshwenyego a bangwe ba banni ba motse wa Mokgware, ba ba neng ba re molao wa ditshwanelo tsa bana ke one o dirang gore ba palelwe ke go laola bana. O ne a re dikgaisano tse ba di dirang ga ba tsee madi fela mme ba busetsa batho ka go atswa ba ba fentseng. Mme Modibedi a re fa e le gore go na le dirwe dingwe tse di setseng di koafaditswe ke kankere, molwetse o fetisediwa kwa a tlaa yang go bona kalafi ya kankere e e ka nnang tiriso ya marang a a phunyeletsang, tiriso ya dikhemikhale kana loaro. A re mebereko ga e tlhamiwe ke puso e le nosi, se puso e ka se dirang ke gore ditsetlana dingwe tse di kgoreletsang babeeletsi di tokafadiwe. O ne a ba gakolola go nna le dibuka tse di tlaa supang motlhala wa dikgwebo tsa bone gore ba itse fa ba bona dipoelo, go kgona go di ntsha e le sesupo fa ba setse ba kopa dithuso tsa madi mo dipolokelong le gone go itse paka e kgwebo e dirang sente le e e sa direng sentle. O tlhalositse gape gore barutabana ba tshwanetse go lemoga dikai tsa tiriso ya bojalwa le diritibatsi mme ba tseye kgato e e maleba mme fa go tlhokegang teng a kope thuso. Ke ka rata go kopa batho ba Shorobe gore ba ikemele ka dinao ba dirise ditalente tsa bone gore ba itshetse, re mo nageng e e humileng, mme ke rona fela re ka ikhumisang ka go dirisa lehumo la naga ga latlhela Mme Gare. Mme Jorosi a re ba simolotse tiro e ya bone kwa Masunga mme keletso ya bone ke go thusa bagodi ba Francistown ka dikgotla tsa bone. Rre Ketlhoilwe a re mafatshe ka bontsi a eletsa lefatshe leno e bile a eletsa se lefatshe leno le leng sone. A re baruti ba tsaya nako e telele ba kgala dikereke tse dingwe, ntswa tiro ya baruti e kgolo e le go rera lefoko la Modimo e seng go supana ka menwana. O ne gape a lekodisa setshaba ka ditlhabololo tse dingwe mo kgaolong ya Kweneng jaaka go agiwa ga ofisi ya setima molelo le ntlo lehalahala ya go tsisa ditlamelo kwa bathomg tse di kwa Molepolole. Mme Masisi o lela ka dintsho tsa HIV/AIDS O boletse fa masimo ka bontsi a medile ditlhare mme beng ba one ba ntse fela. A re lenaneo le, le dirile pharologanyo e ntsi mo botshelong jwa gagwe,ebile ke ene a tshetsang ba lelwapa la gagwe, mme a rotloetsa balekane ba gagwe go tlhabolola matshelo a bone boemong jwa go ganelela mo lenaneong la Ipelegeng le le diretsweng go thusa batho ba ba seng mo meberekong go bona se ba ka itshetsang ka sone. Rre Monyena o ne gape a gakolola boraditerekere go lemela balemi ba ba gaufi le bone go itsa ditshenyegelo tsa leokwane. O ne a kaya fa dikoloi tsa puso di senyega ka pele ga lobaka lo lo di beetsweng fa di tshwantshwangwa le tsa beng mme a kopa bakgweetsi go di ela tlhoko le go di tlhokomela sentle ka e le tsone tse ba itshetsang ka tsone. Ba re botlhe ba malwapa a bone a ka tswang a amegile, mme ba sa atswiwa ka sepe, ba ikgolaganye le bone mo megaleng ya 76260215 kana 71693030 gore ba neelwe tshwanelo ya bone. O boletse fa temo e tsisitse pharologanyo e ntsi mo botshelong jwa gagwe ka a kgona go rekisa thobo ya gagwe kwa go ba Botswana Agricultural Marketing Board. O ne a leboga lephata la botsogo kwa Selebi Phikwe ka ke lengwe la a dirang bontle thata mo go neeleng setshaba thuso mo go tsa kalafi. Rre Kebareeditse Ntsogotlho o ne anisetsa mogopolo pula a re o montle thata e bile o ka nowa moro. E rile a bua ka moono wa letsatsi, mogolwane wa baoki, Mme Dintelo Moetse a tlhalosa fa mo letsatsing le gantsi ba dira moletlo wa go itumedisa balwetse, mme gompieno ba ile ba bona go le maleba go direla bagodi. A re o na le letlhoko la didirisiwa di tshwana le dibala makgolo ka mo nakong ya gompieno o dira ka tse tharo fela, mme go itshupile fa di sa lekana. Rre Molatlhegi o ne a kopa megolopo mo dikganyeng tse di amang lephata la tsa boagedi, mesepele le bong, a supa fa go tlaa sekasekwa molao kakanyetsa oo letlelelang, kgotsa o tokafatsa go re go nne motlhofo go re bagwebi ba ka fiwa boagedi jwa sennela ruri fa ba tlhama dikgwebo le go beeletsa mo Botswana. Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole se segolwane sa Sedie, Mme Senatla Mokobela o ne a iteela mafoko ao moroko, a kaya fa go tlhoka go tlhokomelwa ga dithoto tsa sekole, bogolo jang dibuka, go tshwenya mo dikoleng ka bontsi. A supa fa e se lantlha ba dira tiro ya go tshwana le eo, mme ba nna ba thusa fa ba lemogang botlhoki teng, e bile ba setse ba kile ba thusa boora Balo ka dijo. A re ba ne ba utlwalela ka botshelo ba boora Makgolwane ka mongwe wa banana ba Lerala mme ba seka ba eletse go utlwa se gape. O tsweletse a re mogolowe o simolotse go bereka kwa South Africa ka ngwaga wa 1939 e le moroki a rokela kompone ya Woolworths go fitlhelela a fudugela mo gae a tla go nna kgosi ka ngwaga wa 1973 go fitlhelela ka ngwaga wa 2008 a tlogela ka ntlha ya bogodi. Mogokgo wa Boikhutso Mme Maria Nkganga o lebogetse mpho eo, a re e tlaa thusa ka bana ba sekole ba tshabelelwa ke go lofa ka malatsi a ba tsenang mo setswalong ka one, ka mabaka a go tlhoka mesangwana. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Maitengwe, Rre Batshu o ne a re nako kgolo ke yone e ka ngwaga wa 2016 o tsisa ipelo ka lefatshe la Botswana le tlaa bo le ikgalaletsa go bo le gogile mo dingwageng tse di masome a matlhano le ntse le tsere puso. Molaetsa wa ga Tautona o ne wa balwa ke mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Bobirwa Mme Ndindoga Makhwage o o neng o gwetlha Botswana ka karetso go leboga Modimo ka boitumelo jo bo renang mo lefatsheng la Botswana le go tswelela ka mowa wa bone wa lorato go baakanyetsa dikokomane tse di tlang. Jaanong go mo go rona go bona gore re a tshwaragana, re dire ntebele ke go lebele, re seka sa tsamaya masigo re le nosi, re gwetlhege go bona gore re a itsane re le baagisanyi, a rialo Rre Busang. Ba bosekisi ga ba na mabaka ape a a nonofileng go ka kgoreletsa go emela tsheko kwa ntle ga ga Zulu, ka jaana dikgang tse di teng di tshwanelwa ke go tshololwa ka jaana di le loleya go ka bewa lekgotla pele, ntle le go ikgatholosa tsamaiso ya molao ka go di rola e le dikgang tse disha go na le go di tsosolosa, ga thalosa Agente Moncho. Molaodi wa kgaolo-potlana ya Tutume, Rre Michael Chilimba a re mananeo a a neng a tshwanetse go dirwa ka ditogamaano tsa ditlhabololo tsa bosupa (DDP7) a ne a seegelwa fa thoko ka lefatshe le ne la welwa ke seru sa kwelo tlase ya itsholelo e e neng ya ama ditlhabololo. Rre Ditsele are kgwetlho e tona e e ba lebaneng mo kgwebong ya bone ke gore ba ikaegile ka noka ya Mahalapye go ba fa metsi a nosetso ka jalo fa noka e kgala, temo le yone e a kgaupetsega. A re gape ba dirile matshwao mo motseng a ‘Se gase gase matlakala’, e le go supa fa banni ba tshwanetse go latlhela matlakala kwa go tswanetseng teng. Ofisi ya ga Tautona, Rre Molale a re e itlamile go tswelela e dira tiro e, ya go ipha nako ya go thusa setshaba ka fa go tlhokafalang ka teng. O tlhalositse gore merapelo e, ga se ya babereki ba khansele fela, le setshaba se ba se thusang ba a tle ba se laletse mme ba lemogile fa seo se tsala tirisano mmogo fagare ga bodirela puso le setshaba. Ene e rile pele a amogela baeng, Kgosi ya Gweta, Kgosi Lesupang Mapine a kopa gore go nne le tlhulaganyo ya go kwadisa ditlankana tsa bana tsa matsalo kwa dikokelong ka bana ba belegelwa koo gona le gore di dirwe kwa diofising tsa kwadiso matsalo, dintsho le manyalo jaaka e le tlwaelo. Ba Robelela le Tshokwe ba lela ka bogodu jwa leruo A re lekgotla la twantsho borukutlhi la motse oo le dirwa ke banna le basadi ba ba itlamileng go sireletsa motse wa bone mo borukutlhing mme o boletse fa maloko a, a dira tiro ka go tshwana go sa kgathalesege gore ke ba bong bofe. Jaanong Kgosi a re ga a itumedisiwe ke go bona bangwe batsadi ba sa eme maiteko ao nokeng ka jaana ba tsweletse ka go roma bana ditiro tsa go disa le go bapala bojang le tse di ngwe tse phelelong di kgaupetsang dithuto tsa bana. Mo puisanong le Go rata kapei mo ga gagwe, go ne ga gwetlha mmaagwe le bommangwaneagwe go mo fapaanela ba mo tlhatlhelela ka dithuto tse di tseneletseng tsa kapei. Rre Kenabatho a re se se botlhokwa segolo bogolo ke go rotloetsa mowa wa boipelego ka gore tshingwana e tlaa rotloetsa morafe go itirela mananeo a itshetso le tlhabololo matshelo. Yo mongwe yo o akotseng lenaneo leno, Mme Thapelo Nfila a re se se mo itumedisang ka lone ke gore madi a kadimo o a duela a wetse dibete e bile o duela madi a a santsheng mokola. Go le pele fa ntsha la gagwe modulasetilo wa paakanyetso moletlo oo Rre Dennies Mereyabone o ne a supa fa ba ne ba simololela fela mo legoeleleng, A kaya fa ba ne ba kgona go kokoanya madi aa kanang ka P17 000.00 a ba neng ba thusiwa ke batsadi ba motse oo le beng ba madirelo aa ikemetseng le ba bangwe aa e leng one a ba kgontshitseng gore letsatsi leo le atlege. Go botlhokwa thata go godisetsa ngwana mo tseleng ya tshiamo ka go thusa go fokotsa mewa e e maswe mo go ene e akaretsa mowa wa kgokgontsho. Mogolwane mo lephateng la dikgwa le matlotlo a tlholego kwa Letlhakeng Rre Olebile Kolojane o netefaditse fa setlhare sa sexanana se le teng kwa motseng wa Letlhakeng. A re gape Batswana ba tshwanelwa ke go sekaseka gore ba ka tlatsa ka sefe se ba ntseng ba na le sone go isa Botswana pele. Mme Itumeleng Moupanaga, yo o tlholegang kwa Thamaga ke mongwe wa ba ba inaakantseng le kgwebo ntle le thuso epe go tswa mo pusong. Kgosi Paul Motshwane o tlhalositse fa dikgang ka bontsi di seke di tswela mo mpepeneneng go fitlhelela mongwe a tla go kuela fa go nale molwetse kgotsa leso. Batsadi le barutabana kwa sekolong se segolwane sa Dithejwane kwa Molepolole ba akgoletswe go bo ba tseetse kwa godimo go ruta bana ngwao ya Setswana le go bona ka matlho. E rile a tswa la gagwe, Rre Nkgowe a tlhalositse fa a le motlotlo go bona a kgonne go tlhamela Batswana ditiro mo nakong e letlhoko la ditiro le ileng magoletsa mo lefatsheng leno. Dibui ka go farologana di tlhalositse fa Kgosi Jackalas e ne e le moeteledipele yo o senatla, a le lerato e bile a na le mowa wa boitshwarelo. O ne gape a re go botlhokwa gore batsadi le PTA ba tswe ka methale ya go itirela madi go tlhabolola sekole, le go ipaakanyetsa meletlo ya kabo dimpho, go ikagela maobo a baithuti ba iketlang mo go one, go reka didirisiwa jaaka dipheelo jalojalo, e seng gore ba bee fela mo pusong. O supile fa bajanala ba malatsi a ba sa rate go ya kwa mafelong a diphologolo fela mme ba rata le go amogana le Batswana ngwao ya bone. Go nwa phetelela go tshwenya bogogi A re gape motsadi o na le tshwanelo ya go otlhaya ngwana, mme e seng a mo golafatsa kana a mmolaya. Baeteledipele ba buile se kwa thuto puisanong kwa Serowe morago ga go lemoga fa bana bangwe ba sotlega fa ba bangwe ba setse ba inaakantse le nnotagi le botlhokatsebe ba sa le bannye. E rile bosheng a boa gape a gapa maemo a ntlha kwa letsatsing la go ipelela tikologo e e phepa kwa Jwaneng mme o tlaa ya go emela toropo eo kwa makgaolakgannyeng a dikgaisanyo tseo kwa Selebi Phikwe. Dikgang tsa petelelo di a tshwenya kwa Kanye Mabapi le magatwe a gore ga a dirisane sentle le komiti ya ditlhabololo le komiti ya badirelapuso, Mme Miranda o tlhalositse fa magatwe ao a sena boammaaruri ka jaana ba tswa kgakala ba dirisana le dikomiti tseo ka jaana ba kgona go lekodisana ka ditlhabololo. O ne a kgothatsa bomme gore ba seka ba ipona tsapa go direla kereke gammogo le go itshwarelela ka tumelo. Moithuti yo, o supile fa ka 2009 ba simolotse dithuto tsa bone tsa mophato wa ntlha kwa Seronga, mme ka 2010 ba fudusediwa kwa sekolong sa Gowa JSS go tsweledisa dithuto tsa bone tsa mophato wa bobedi le boraro, selo se a kaileng se amile dithuto tsa bone fela thata. Ditiro tse dingwe tse di mo lenaneong la 2018 di akaretsa go shafatsa borulelo jwa ntlo, go agela motlhoki ntlwana, go rekela batlhoki melora ga mmogo le go tlhatswetsa le go feelela batlhoki ba ba sa kgoneng ka ntlha ya bogodi. O supile gape fa dijo tse batho ba di jang le tsone e le ngwao, mme a tlhalosa fa go na le ngwao e e siameng le e e sa siamang. Fa a ba kgwa dikgaba mokhanselara Rre Meshack Tshenyego o ne a supa a tla isa dilelo tsa bone kwa go go ba maleba. O supile fa thuto ya bana e le mo maruding a batsadi ka ba tshwanetse go tshwaragana le barutabana go rurifatsa gore bana ba dira sentle. A re ba dule ka mogopolo wa go thwara thuto-puisanyo morago ga go nna fa fatshe ba akanya gore ba ka ritibatsa jang borukutlhi jo bo golang mo motseng mme ba ne ba lemoga gore setshaba se tlhoka thuto. Bapalami ba koloi ya Tida ba le babedi, mokgweetsi le mopalami wa mme ba ne ba ragosediwa kwa kokelong ya Palapye, mme mokgweetsi a fetisediwa kwa Nyangabgwe ka dikgobalo tse di masisi. Mothusa tona o rile ke boikarabelo jwa dikereke go gogela Batswana segolo jang banana kwa dikerekeng goya go ba ruta maitsholo a batho ba tshwanetseng go itshwara ka one le go ba sokolola ka go ba rerela lefoko la Modimo. Bomme bale masome a mane le bosupa le borre ba robabobedi ke bone ba dirang ditlhopha tse di lesome le bobedi tseo, tse dingwe di simolotseng ka go dira ka 2010. O boletse fa dikgosi di na le seabe se segolo mo morafeng ka gore ba lebeletse morafe gore o tsogile sentle, o na le dijo tse di lekaneng, a bolela fa motho a aja mohuhutso wa phatla ka temo-thuo. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Mme Mpetsane yo gape e leng mokhanselara wa kgaolwana ya Matsiloje, o ne a gwetlha banni go dirisa mananeo jaaka nyeletso lehuma, LIMID, SHHA le a banana. Baoki ba Maubelo ba rutuntsha setshaba Mogolwane wa mapodisi a Maun, Assistant Superintendent Oarabile Hulela, a re ba tlhotlhomisa leso la monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa wa kgotla ya Moeti mo Maun. Go lemogeng fa seemo se se golela pele, Mme Lesole a re o ne a tsaya tshwetso ya go boloka dikgatiso di se kae tsa tsatsi lengwe le lengwe kwa ofising ya gagwe gore ope yo o ka tlhokanang le sengwe mo pampering ya setshaba a kgone go e fitlhela, a supa fa kitso e le botlhokwa. A re lenaneo le, le molemo fela thata mme sebe sa phiri ke go diega ga dituelo tsa madi a bo raditerekere. A re o eletsa gore batshwarelela bogosi lefatshe ka bophara ba ka tsaa malebela mo go se rangwanaagwe a se dirileng ka se ka tsisa thitibalo mo dikgannyeng tsa bogosi. O ne a tlhalosa gore mo motseng wa bone, Ipelegeng e thapile batho ba le masome a roba bobedi le bone . Ka jalo a re e le komiti ba tsweletse ka go dira maano a madi a go leka go teratelela lefelo leo. A re ope yo o ka tlolang tumalano e, o tlaa tseelwa dikgato tse di maleba, a tlatsa ka gore bagolwane ba maphata ba tshwanetse go ruta bana bao tiro gore fa ba seyo, Batswana ba tswelela ka go thusiwa. A re fa lefatshe leno le sena go tsaya boipuso go ne ga rena kagiso mme go na le tse dintsi tse di neng tsa diragala bogolo jang tsa katlego. A re ele ba BCP ba aga areka e ka yone ba ka tsisang ditlhabololo mo kgaolong ya Bobirwa ka bophara jaaka go na le kgwetlho e tona ya metsi le go tlhomamisa gore ba nwa metsi a letamo la Thune. Puso e leboga batlamedi ba bana A re mapodisi ga a bone boroko ka ntata ya dipego tsa dikiteo tsa baratani. One gape a ba kgothatsa go dirisana mmogo ,le go neela a re mmereki mongwele mongwe otswanetse a a bona mekwalo ya lephata go ba kgone go itse tse di ba amang . O ne a tlhalosa fa a ya go tlhoka leina le le lengwe le a ka le tsayang go ya go rurifadiwa morago ga ditshekatsheko tse di tlaa dirwang ke ba lephata la gagwe. O tsweletse a itsise banni fa mo ngwageng ono wa madi, go sena ditiro dipe tse di sha tsa ditlhabololo tse di tlaa dirwang ka fa tlase ga lenaneo la Ipelegeng ka go sa nste go na le bothata jwa thaelo ya madi, a re go tlaa itebaganngwa fela le ditiro tsa go kgaola tlhaga le ditlhare, go phepafatsa le go baakanya dikago tse di tlhokanang le go baakanngwa. Mme Botlogetswe Mabochwe o ile a kopa gore ditlamelo tsa botsogo di tshwana le go sidilwa mmele le tse dingwe tse di latelwang kwa dikokelong tse ditona e nnne dingwe tsa ditlamelo tse di tsisiwang kwa bathong. Maduo a sekole ga a amane le lefelo O ne a rotloetsa bagwebi ba babotlana ba motse oo go ema ka dinao ba itirela go tokafatsa matshelo a bone, ka go rekisa le go bapatsa dithoto tsa bone mo setshabeng se se phuthaganetseng kwa motseng oo. Mme Situwe Sethuro wa kgotla ya Boseja mo Maun o tshela jone botshelo jwa phokoje go tshela yo o dithetsenyana ka a oba letsogo ka go rekisa ditlhare tse di farologanyeng mo lwapeng la gagwe. A re kokelwana e tlhoka ntlwana ya pelegelo a tlatsa ka go re ga gona matlo a badirelapuso. A re mokgatlho o o tsile go lwa le diemo tsa mofuta o. Balemi ba Shakwe ba kopiwa go busa peo O ne a tshwaela tiro ele nngwe ea setseng a kgonne goe dira ya go buwa le ba lephata la botsogo go thusa sepatela sa Scottish Livingstone ka dikobo, materase le di shiti, se mme go tlhalositswe fa se lopa madi aa kana ka didikadike tsa dipula dile tharo. O ne a amogela mpho e, e e rotloeditsweng ke setlhopha sa mmino sa Culture Spears le banka ya First National mo Botswana (FNBB). Ba tswelela ka gore fa go le dipula le diphefo ba tlamega go tlosolosa diphuthego ka ntlha ya go tlhoka fa ba ka tshabelang dipula le diphefo teng. Kgosi Koitsiwe o supile fa gangwe le gape go na le go gogagoganela ngwana, kgotsa mongwe wa batsadi a seke a dire matsapa ape go ka thuso ka ditlamelo tse di ka godisang ngwana, a ipata ka go re fa a kgaogane le mokapelo ga go botlhokwa gore o ka ntsha sepe se se ka thusang. Dingwe tsa dikgang tse a buileng ka tsone ke gore puso e tlaa rerisa Batswana ka go loga maano a gore go tokafadiwe mabaka a gore babeeletsi ba kgone go tlhama mebereko, a bolela fa ba le bantsi ba meletsa Botswana mathe. Go dira jalo go a nthusa ka gore ga go kgonege gore ke tswe ke sa roba sepe, a tlhalosa jalo. Mookamedi wa CEDA a re keletso ya gagwe ke go bona sekole seo se tlhabologa e seng fela mo dikagong mme le mo maduong. Tona wa Merero ya Puso-selegae le Tlhabololo Dikgaolo, Rre Eric Molale o ntshitse taelo ya go tshwara ditlhopho mo kgaolwaneng ya botlhophi ya Shoshong. Fa mong wa bogosi a santse a le mo thomong ya puso kgotsa nngwe fela, ke ene a ka romang bo rangwanaagwe gore ba mo tshwarelele, a supa. A re go tlhoka gore madi otlhe a tsenngwe mo letloleng leo mme ga e tlhakanngwe le madi a kgwebo. Tsogwane o gomotsa boora-Shanganya Kgosi Balebetse Sisinyi wa Mogome a re lenyora le ba apesitse kobo ka letshoba ka sengwe le sengwe se eme tsi! Kgosi Keipone yo a neng a akgolela Rre Masole le mohumagadi wa gagwe go nna sekao mo motsing wa Otse ka go nna batho ba ntlha go nyalana kafa molaong le go nna le setlankana sa lonyalo, o rotloeditse morafe wa gagwe segolo jang ba ba setseng bana le bana le malwapa e bile ba ntshitse magadi goya go shafatsa manyalo a bone ka go nyalana mo makgotleng a setswana kana kwa ga molaodi le mo dikerekeng ka le tsone di kgona go ntsha ditlankana tsa manyalo. Moswi a tlaa bolokwa kwa a neng a tlholega teng kwa Mokgenene. Go diragatsa melawana ya thuo go ka busetsa E ne yare bosheng morafe wa Bangwato wa tshologela kwa kgotleng kgolo ya Serowe go ya go itseela ka tsebe fa Kgosi Sediegeng Kgamane a ne a bolotsa letsema la monongwaga. O etjwa go sa le gale Gape ba ne ba eleletsa Rre Mokgweetsi Masisi yo o mo tlhatlhamang masego le katlego. Maikaelelo a mangwe a phuthego eo e ne e le go rotloetsa batsadi go nna le seabe mo kgodisong ya bana, go dirisa dikgotla tsa tetlanyo, go somarela ngwao, go rotloetsa lenaneo la ‘Re a nyalana’, go gakolola ka dikgang tsa boswa le go rotloetsa banana go tsena diphuthego tsa kgotla. Fa a tlhalosetsa morafe boteng jwa kgang eo, Rre Autlwetse o ne a kaya fa e ne ya re Tlhakole a le 21, 2018 ga nna le katlholo e e neng ya ntsha Kgosi Phologo mo setilong mabapi le dikgang tse di thata tse di neng di le teng ka nako eo tse di neng di supa Kgosi Phologo ka monwana gore ga se kgosi yo o maleba wa Makopong. A re, puso e tsile ka mananeo a le mantsi a go tlhabolola temo ya Batswana, mme mananeo ao a tshwanetse a tsibogelwe ka bokete jo bo kgonagalang. O ne a rotloetsa beng ba diterekere go ya go di baakanya go tlhomamisa gore di tlaa dira tiro ka matsetseleko mme a gakolola balemi go agelela masimo ka jaana ba ba sa agelelang ba tlaa seke ba lemelwe. Fa ba akgwa mopalamente dikgaba, Rre Mabuse Pule o lebogetse mafoko a mopalamente a go ba kgothatsa go tshwaragana. Mopalamente wa Mmadinare e bile e le mothusa tona wa tlhabololo banana metshameko le ngwao, Rre Kefentse Mzwinila o rotloeditse banni ba Robelela le Tshokwe mo kgaolong ya Mmadinare go tshwaragana go bona gore bolwetse jwa tlhako le molomo ga bo tlhagoge gape mo dikgaolong tsa bone. Rre Ntshwabi a re dingwe tsa dipodi le dipotsane tsa gagwe di ne tsa bolawa ke serame ngwaga o o fetileng ka nako ya dipula mme se sa fokotsa palo ya tsone. O supile fa matshwenyego a mo lefatsheng e le a tiriso phetelela ya nnotagi le diritibatsi, a supa fa ditagi di felela di tsenelela mo dikoleng, mme seo se dira gore maduo a baithuti a wele tlase. Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse o ne a leboga Komiti ya Dithojane go bo ba bone go le botlhokwa go thusa bana ba sekole sa Dinokwane ka gore puso e le nosi ga a kake ya kgona ka go bo itsholelo ya lefatshe e santse e le kwa tlase, mme a ba solofetsa gore ga a a ba lebala ka paka ya sekole, e tlaa tla. Sebui se sengwe ebong, Mme Kefentse Khumalo o ne a kgothatsa maloko go nna tlhaga mo tirong ya boithapo ka gore ba nna ba tlhokega mo dikgwetlhong tse di farologanyeng tsa botshelo. Rre Maele o ne a bua jalo ka Mosupologo kwa masimong a Marumantsho gaufi le Gootau kwa lephata la temo le neng le phuthile balemi ba kgaolo-potlana ya Palapye go ba ruta ka go dirisa ditsompelo tsa segompieno tsa go somarela bokgola. Mokhanselara Kgothang a re ka tsone dikereke, mapolotiki, makgotla a a ikemetseng, puso le setshaba ka kakaretso, ntwa e ka fenngwa ga bo ga lebalwa, sengwe le sengwe sa boela mannong. Lenaneo la See and Treat le remeletse mo go dupeng kankere mo go bomme gore fa go na le matlhasedi a kankere ba kgone go e alafa pele e ka jwalelela, ka fa e setse e le mo seemong se e nna thata go alafesega. Mme Motsumi o supile fa nnotagi e dira gore motho a latlhegelwe ke boitshwaro, a tsenwe ke malwetse a tshwana le kankere, kgotlholo e tona le malwetse a pelo. Rre Kgathi, yo gape e leng tona wa itshireletso, molao le thokgamo, a re o bone go tshwanetse gore a kopele kgaolo ya Bobirwa dithuso mo dikhamphaning tse di ikemetseng ka gore kgaolo e, e lebagane le dikgwetlho di le dintsi jaaka leuba le bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo dirang gore bontsi jwa batsadi bo tlhaele go tlamela bana ba bone. Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a re dikgang tse di amanang le bogosi di a tshwenya mme di atile thata mo lefatsheng leno mo malatsing a gompieno. A supa fa mokgatlho wa bone mo nakong eno o na le bomme ba le lesome le bobedi le borre ba le babedi. E ne ya re a ntsha bogakolodi, mokwaledi wa khansele, Rre Mozondik Moswete a supa fa ele bogogi bone bo sena molato le mogopolo a re go mo maruding a batlotlegi gore a ba a o amogela. A re mpuru o faretswe, ka jalo, ba tshwanetse go itoma melomo ya tlase go thusa go babalela matshelo a babusi ba kamoso ba lefatshe leno. Kgosi wa Bere o hulere Ba fitlhetse lolwapa lo lo neng lo le mo letlhokong le legolo, ba se na fa ba robalang teng, mme ba ba agela ntlo, ga tlatsa Rre Molale. Mothusa mogolwane wa lephata le le gokanyang dikgang tsa AIDS wa kgaolo, Rre Shathiso Daki a re ba simolodisitse thapelo go lwantsha HIV ka thapelo e tsisa tsholofelo ya gore mogare wa HIV o tlaa fela. Fa a tsibogela dikgang tsa tiego ya ba bongaka mo go ntsheng maduo a ditlhatlhobo le tlhaelo ya melemo kwa dikokelwaneng, Dr Somolekae o rile ba tsere tshwetso ya go thapa ba Botswana Couriers go ba anamisetsa melemo mo dikokelwaneng le gone gore ba tsibogela ntlha eo ya go ntsha maduo a ditlhatlhobo ka nako go itsa go jwelelela ga bolwetse. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Agnes Kgotlaetsile a re o filwe madi ka 2014 go simolola kgwebo ya Kurus Investment. Diphafana di ne di fapaanelwa ka bokete ke bagolo, morago ga opelwa tsa bogologolo dipina. Mothusa kgosi wa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng o tlhalositse fa a itumeletse tshwetso ya morafe wa motse oo ya go rapelela metseletsele ya meletlo e e tlaa tshwarwang kwa motseng oo mo nakong e khutshwane. Paka ya basimane e ne e akaretsa marokgwe a mabedi, dihempe tse pedi, dikipara tsa mo teng, ditlhako, dikausu gammogo le dijesi fa baithuti ba basetsana bone ba ne ba fiwa paka e e feletseng e e akaretsang mosese, sekete, dikausu, ditlhako, dikipara gammogo le dimonamone. O supile fa go na le matshwenyego a mantsi mo tirong e, a supa fa go kwadisa ditsha mo motseng wa Letlhakeng go simolotse monongwaga, ka jaana kwa tshimologong go ne go akantswe gore tiro eo e tlaa dirwa ke kompone e e ikemetseng. Kgosi Mojuta o supile fa se se setse se banala ka dipolao tsa batho di ile magoletsa. Ba supa fa ba ntse ba tshwarela diphuthego mo sebatleng le fa tlase ga ditlhare mme ba re seo ga se a siamela seriti sa bogosi. A re seemo se se maswe ka jaana bana ba nna mo fifing kwa matlong a borobalo le baapei ba tshwanelwa ke go apaya makuku. A re dikgang tse dingwe tse di ba tshwenyang ke tsa batho ba ba hirisang diteseletso tsa go rwala setshaba le mororo di sa dirwa sentle. O boletse fa lefatshe leno le ise le ntshe dijo tse di lekaneng mme ba ikaegile ka dijo tse di tswang mafatsheng a magwe. Rre Masisi o supile fa a lemoga dikgwetlho tse a di beilweng pele ke Rre Galesenngwe Mohube. A re dipatlisiso di supa fa motho yo o goletseng mo kgokgontshong a ka tshabelewa ke go kgokgontsha ba bangwe kgotsa go kgokgontshiwa. Rre Kwape a re monongwaga ba kwadisitse dikgang tsa boimana di le thataro mme ngogola fa o tsamaya fa dikgang tsa boimana di ne di le tharo fela. E ne e rile pele fa a amogela baeng, Kgosi ya Marobela yo gape a emetseng kgaolo-potlana ya Tutume kwa Ntlong ya Dikgosi, Kgosi Rapelang Khuwe a leboga bao ba ba tsileng ka mogopolo wa go aga ntlo lehala hala, a re a go seka ga felela foo ba tswelele ba tle ka mananeo a a tlaa dirang pharologanyo mo motseng. Le fa go ntse jalo, Kgosi Kealetile o kopile Rre Dithapo go direla morafe wa Goo Tawana ka bonatla, mme e bile a supa fa bogosi e le tiro e e bokete. Le fa ntswa a ngongoregela dikatso tsa gagwe, o tlhalosa gore o dira tiro ya gagwe ka botswerere ka gore ga a ise a amogela ngongorego go tswa mo go ba ba kopang thuso mo go ene. Lentswa tshologelo e ne e le kwa tlase, moletlo wa Ruviya o maikaelelo a one e leng go ipelela dingwao tse di farologaneng tse di fitlhelwang mo kgaolong ya bokone Bophirima le go rotloetsa banni go boloka ngwao, o ne wa tshwarwa bosheng kwa masimong a Samedupe gaufi le Maun. O ne a kopa gore bagodi ba kgaolo eo ba ikopanye mme ba buisane ka mananeo a ba akanyang gore ba ka thusiwa ka one. Mme Hana Molamu wa kgotla ya Maribana kwa Sojwe, ke mongwe wa ba ba itshetsang ka kgwebo ya go nna jalo morago ga go bula kgwebo ya go roka ya Millenium Clothing e e nang le dingwaga tse lesome le boferabobedi e ntse e dira. A re balaodi ba tshwanetse go lomagana le baeteledipele ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse gore ba nne le kitso e e ka itumedisang batho ba ba tlhokang ditirelo mo dikhanseleng. O ne a bolela fa golo fa molelo o tlhagogileng teng e le fa go latlhelwang dipolaseteke mme molelo o jwelela ka bofefo ka gole phefo. Ruviya e tsosolosa ngwao Mme jaanong molao o o leka go baakanya kgang e. Ba re ke nako ya gore borre ba ititee ka thupana mme ba ne ba etela dikokelo gangwe le gape, go na le gore ba dire jalo fela fa go setse go le thata, ba tlatsa ka go re go tsiboga ga borre go ka thusa go nyeletsa gotlhele bolwetse jwa TB mo kgaolong ya Bokone Botlhaba le mo lefatsheng ka bophara. O ne a tlhalosa fa a reka dithunya kwa Afrika Borwa, a bo a di kgabisa ka manontlhotlho go ka oka batho. Se ke go tlhoka boikarabelo, e bile go rotloetsa mekgwa e e maswe mo baneng, Rre Molatlhegi a tlhalosa. A re ka jalo go botlhokwa gore lefatshe leno le kabakanye itsholelo le go bona gore madirelo a Botswana a rekisa dithoto kwa mafatsheng a sele, mme dipoelo tsa teng di thuse mo ditirong tse dingwe. Magodu a apesitse Tatisiding kobo ka letshoba Kgosi Tsiane a re go botlhokwa go tshegetsa ngwao ya dikgafela ka ele mokete o o segofaditsweng e bile gape ele tsamaiso ya ngwao ya Setswana. Moeteledipele wa Ndadi Law Firm, Rre Uyapo Ndadi, o boleletse banni ba toropo ya Jwaneng gore ke nako ya gore Batswana ba ipelele tse ba di kgonneng go lwantsha HIV/AIDS. Ka 2012 o ne a boa gape a tsenya kopo e e rileng ngwagatlola ya atlega mme a bona dithuso tsa P82 000. Kwadiso ya ditsha e ya bokhutlong Rre Setlalekgosi o rile lefa ba kgonne go tlhabolola lefelo leo le ba ruetseng mo go lone le e kileng ya nna letlotla la batsadi ba bone,bane ba lebanwa ke kgwetlho e neng ya batla go ba kgobisa marapo fa ba lekgotlana la kabo ditsha la Mahalapye le lekgotla la kabo ditsha la ga mmangwato bane ba gana go ba abela lefatshe leo mo ba feletseng baya go fenya kgang ya bone kwa lekgotleng la ditsheko tsa lefatshe (Land Tribunal). Mme Moffat a re dithuto tsa ga-e-golelwe di simolola motshegare ka jalo, seo se fa bagolo tiro ya go ka tsweledisa ditiro tse dingwe tsa mo gae mo mosong. Kgosi a re fa mogopolo wa gagwe o ne o ka atlega banana ba kgaolo eo ka bontsi ba ne ba ka bona dithuto tsa diatla segaufi. Dibui kwa moletlong wa segopotso sa bolwetse jwa kgotlholo e tona kwa Jackalas No 2 mo kgaolong ya Bokokone Botlhaba ka Labotlhano, Ba re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a tsibogele botsogo jwa gagwe ka maikaelelo a go leka go lwantsha malwetse, bogolo jang fa go itebagantswe le jwa kgotlholo e tona, jo ba boletseng fa jone bo alafesega fa bo tsibogelwa nako e sale teng. Kgosi Kgakanyane o boletse gore gantsi borukutlhi jo bo a tshwenya ka jaana batho ba a itewa, ba golafadiwe mo go bosisi mme kwa phelelong ba latlhegelwe ke matshelo. A re thapelo ke sebetsa se se sa palelweng ke sepe. A re mo maitekong a go itepatepanya le seemo se, badiri bangwe ba ba tlogetseng tiro ka bogodi ba sepodisi le ba sesole ba Tatisiding ba tlhamile mokgatlho go tla ka methale ya go fedisa borukutlhi. Motsadi, Rre Thomas Shanganya ene o lebogetse lerato le kemonokeng ya boeteledipele jwa lefatshe. A re bangwe dipolantere tsa bone ga di ntshe dipeo mme go bo go sa tlhoge. A re e sale ka a sekegetse tsebe mafoko a ga tautona wa bobedi wa lefatshe la Botswana Rre Ketumile Masire a a reng metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati,mme rragwe ene a mo tlogetse ka a a reng dilo di utlwelwa marakaneng go tewa gotwe se re o rata selo wa nna o re ke tlaa se dire nako e e tlang. Mogokgo a re letlhoko la ditsompelo le ba paledisa go fitlhelela maduo a ba a eletsang a tlatsa ka go re le fa Batswana ba itsege ka mowa wa go ipelega, seo ga se kgonagale ka batsadi ba le thata go thusa sekole. O buile jaana fa a buisa kokoano ya Batswana ba ba neng ba tshologetse go tla go mmona le go botsana matsogo kwa toropong kgolo ya eSwatini, Mbabane bosheng mo loetong lwa gagwe jaaka a tsweletse go ipegela bo tautona ba mafatshe a lwkgotla la borwa jwa Afrika (SADC). Mokhanselera Munihango a re le fa go ntse jalo tsela eo ke nngwe ya ditlhabololo tse puso e di tlhomileng leitlho gore fa madi a bonala e tlaa tlhabololwa ka go tsengwa dipone di le mmalwa gore badirisi ba kgona go bona diphologolo di sa le kgakala. Modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana wa sekole seo, Mme Olebeng Kanje o ne a kgothatsa batsadi go kopanela kgodiso ya bana le go tiisa tirisano mmogo fa gare ga bone le barutabana, jaaka go lemosegile gore thuto ya lefatshe leno e agilwe ka boraro, ebong morutabana, motsadi le ngwana. Ba Polka ba a ipaakanya Lebentlele la Choppies le tswa tautona mokgosi Banni ba kopa go fetolwa ga melao ya tsa phiro le pereko Le fa banana e le bone ba dirang dipalo tse dintsi tsa batlhophi, go supega fa ba ikgatholosa go tsaya karolo mo ditlhophong tsa setshaba le diphathi ka bontsi. Superintendent Makwaeba ba bone g ole matshwanedi go tshwara merapelo ya go rapelela dikotsi mo tseleng ya Gaborone/Francistown ka jaana dikotsi mo tseleng eo di tsweletse ka go gapa matshelo a batho le go tlogela ba bangwe bale digole ntateng ya dikgobalo tse di masisi. O supile fa seshabo se, tatso ya sone e le monate. O ne a ikuela mo khanseleng ya Bokone Bophirima go tsibogela matshwenyego a kgotla ya gagwe ka bofefo mo lenaneong la madi a dikgaolo a P10 million. A re ba ipapanne ka methale e e farologaneng gore ba leke go lwantsha melelo le kgonagalo ya yone. A re lephata le tlaa netefatsa gore didirisiwa tsa boleng jo bo kwa tlase ga di nne teng mo marekisetsong e,bile ga di letlelelwe go tsena ka dikgoro tsa melelwane. Bishop Jakobe o supile fa moono wa leeto la gagwe e ne e le go lekola maloko, mme a kaya fa go ngomola pelo go fitlhela bangwe ba le bokoa mme a ba tlhomamisetsa fa ba tsere tshwetso e e molemo go tla mo ntlong ya kobamelo Modimo ka e le gone fa ba tlaa folang teng. Mme Kesenye o ne a re thuto ke namane e tona ya tiro, ke sone se FNBB le ba BPC ba e tshwaraganetseng. Fa a fa pego, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Makwate Mme Kedibonye Mogotsi, a re o tshwenngwa ke tsela ya Makwate, ka go sena sepe se se dirwang mo go yone. Ke tswa kgakala ke rata thuo ya dihutshane ka jalo ke kgona go di tlhokomela go le bonolo, a tlhalosa jalo. O tlhalositse fa ditlhotlhomiso di tsweletse go itse ka se se ka tswang se bakile kotsi e.O gakolotse bakgweetsi go nna kelotlhoko mo ditseleng. O rotloeditse banyalani ba lenaneo leo gore ba seka ba inyatsa ka jaana manyalo a bone a setse ditsamaiso tsa lenyalo morago, ebile a tshwana le manyalo a mangwe. O ne gape a kopa morafe waga Mmangwato gore o itshekatsheke ka go lebega ba latlhegelwa ke ngwao mme seo sesa ba siamela. O akgoletse balemi ba Serowe borwa gobo ba setse ba simolotse go dirisa methale e mesha jaaka go lema ka ditselana mme are gago ise go lekane ka gore kgaolo ya bone ena le lefatshe lele ntsi le lesa dirisiweng. Rre Thamane o tlhalositse fa CEDA e ikabetse Rachele go nna motsadi wa sone, ka maikaelelo a go se tlamela fa ba kgonang teng. Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, a re lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le diretswe go batla metlhala ya go nyeletsa lehuma le go direla Batswana ditiro. O ne a tsibosa banni ba Matebeleng ka molao wa tiriso le thekiso ya diritibatsi, a supa fa tshutiso ya molao o e dirilwe. Rre Kwape o boletse fa dikgang tse tsa botlhokatsebe di digela maduo a ditlhatlhobo kwa tlase, a re go tswa mo dikoleng tse di lesome le botlhano tsa kgaolo ya legare ke bone ba ba kwa bofelong mme mo lefatsheng lotlhe ba mo maemong a bosupa go tswa kwa tlase. Rre Semente a re se ke tshimologo ya ditiro tse ba tlaa di dirang tse di tlaa tsenayang madi mo komiting. Rre Pontius Mokgosana le ene e le monni wa Kanye o ne a akgola komiti e ya lekgotla a bo a ba gakolola gore ba ka kopa dithuso kae. Sekole sa Diloro ke sengwe sa ntlha go simolodisa dithuto tsa bananyana ka 2014, mme morutabana yo o rutang bana bao ke yo o nang le dithutego tse di kwa godimo tsa degree. A re mo nakong eno ba setse ba kgonne go thusa banana ba metse ya Khekhenye, Dutlwe le Tshwaane kwa Kweneng Bophirima ka bangwe ba kgonne go ipulela dikgwebo mme bangwe ba ne ba felela ba dirile sentle thata mo mophatong wa boraro jalo ba iponela diphatlha kwa dikoleng tsa ithutelo tiro ya diatla. Mme Tumaeletse a re ka ditso tsa kereke ya Roma, lefelo leo le tlotlwa thata ka go obamelwa Marea Mmajesu e bile ba dumela gore tsotlhe tse ba lopang fa ba fetisa dithapelo ka ene di tlaa goroga le go arajwa ke morwawe ebong Jesu Keresete. Bokhutlo A re, seo se mo tiisa moko gape se supa fa a nale batho tota. Mokhanselara wa Maunatlala Mme Salome Lesole o lebogetse puso go tsibogela selelo sa banni ba Maunatlala, Mokokwana le Mosweu ka go aga matlo a borobalo a bana ba sekole le a barutabana. A re bana ba tshwanetse go ikgapha mo boitshwarong jo bo sa lolamang ba seka ba kgatlhwa ke dilo tse di ka dirang gore ba tswe mo tseleng. Ba boletse fa ba tlamega go tla ba geletse metsi kwa malwapeng a bone, selo se ba kaileng se ba imetsa morwalo o o seng kanaka sepe segolo bogolo ka bangwe ba bone ba dirisa dipagamo tsa setshaba go tla madirelong a bone. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Kwape o tlhalositse fa go ima ga baithuti go ile magoletsa fa go tshwantshanngwa le ngogola mme se o kaile se dirwa ke banna ba batona kwa metseng e bana ba ba tswang kwago yone. Modulasetilo wa komiti ya Bot50 mo Letlhakeng, Rre Marks Mokhowe o ne a supa fa go itumedisa go bona morafe o rapedisa dikgwetlho tse ba nang le tsone le go kopa botlhale kwa Modimong. A re ka jalo go tshwanetse ga nna le fa megopolo e, e tla kotelwang ka teng gore dikgosi ka jaana di digoga kwa pele mo tshomarelong ya ngwao, megopolo e o e tshwanetse gore e diragadiwe. Ba supile fa ba lebogela tshologelo ya babeeletsi go tswa kwa mafatsheng a sele ka jaana ba thusa go bula diphatlha tsa mebereko mme sebe sa phiri e le gore dituelo tsa bone di kwa tlase fela thata go ka tlhabolola matshelo a bone. E re le ntswa dikgwetlho tsa botshelo di tsweletse ka go golela pele,go santse go na le dikompone dingwe tse di ikiteileng sehuba go thusa ba ba dikobo dikhutshwane. Rre Makgalemele o ne a kgothatsa bomme go tshwarelela ka thata mo go se ba se dirileng ka e le se segolo, mme e bile a eletsa gore ba dire mo go fetang fa mo nakong e e tlang. Baoki ba kgaolo ya Okavango ba supile lerato ka go fa bagodi dijo ka Mosupologo, Motsheganong a tlhola malatsi a le lesome le motso, ele go gopola mooki o mogolo Mme Florence Nightingale, yo o tshotsweng ka lone letsatsi leo. A re selo se se dirang gore bana ba felele ba inaakantse le borre ba batona ke gore ga ba bone tlhokomelo go tswa mo batsading mme ba ya go e batla golo gongwe mme ba felele ba wela mo dilalomeng tse. O tlhalositse fa ba amogetse boikuelo jwa motho wa mme fela, yo go bolelwang fa a sa bonwe. A re o dumalane gore seo se tlaa thusa go fokotsa mosuke wa peo ya ditsha bogolo jang ka a kile a bona matshwititshwiti a Batswana ba ile go kopa peo ditsha kwa lephateng la ditsha la Oodi. A re matlo a a abelwang batlhoki, bana ba nna mo go one ka e le a batsadi mme ga ba a tshwanela go leka go a ba amoga. Mme Sedie a re balwetse le bone ba tlhoka ditlosa bodutu. Kgosi Mokgatla o supile gape fa bangwe batsadi ba na le seabe ka jaana ba tlogedisa bana dithuto ba ba rulaganyetsa manyalo a a seng ka fa molaong, a tlatsa gape ka go supa fa bangwe ba itse gore bana ba bone ba dirisiwa botlhatswa mme ba nne fela ba bipa molato o ba gabile dipoelo mo ditirong tse. O boletse gore fa lenaneo leo le ka rotloediwa moono wa go fedisa mogare gotlhelele o ka fitlhelelwa. Mogokgo wa sekole sa temo-thuo sa Pelotshetlha go bapa le Mmathethe kwa kgaolong ya Borwa, Rre Pius Nkunda, a re balemisi kwa kgaolong eo ba ngongorega ka balemi-barui ba ba sa tseyeng mananeo a puso ka tlhwaafalo. A re a ithute go bua le batho a bo a tlhophe mafoko fa a bua le batho. Rre Kgomokgwana o buile jaana ka Lwabotlhano kwa Moiyabana jaaka ba lekgotlana la peo ya ditsha la ga-Mmangwato ba ne ba abela baithuti ba sekole sa Mothamo kwa Moiyabana mesangwana ya bomme e le makgolo a fera bongwe le melora e e tlhapang legano. Ka jalo Kgosi Botoka a re o bone go le maleba gore a bitse morafe go tla go lebisisana dikgang tsa mothale o gammogo le go fana maele a gore go ka dirwa eng go tokafatsa seemo se. Kgosana Moseki a re go a nametsa go bona banana ba eme ka dinao ba ithaopa go lwantsha mathata a a tshwenyang mo setshabeng. Ntswa a ne a tlhalosa fa mathata a bone a sa fetoga, Rre Makubate o ne a rurifaletsa barui gore BMC ga e rekisiwe mme le gone gore fa go ka nna jalo ba tlaa ba rerisa. O ne a supa gore molao o wa kgokgontsho ya bong o tsentswe ditsetlana tse di fang ba molao dithata tsa go ka sekisa le go bona motsadi molato fa a itlhokomolosa kana a bipa dikgang tsa kgokgontsho ya bana. O ne a akgolela ba UCCSA Boseja go bo ba bone go tshwanela go dira maitiso a maikalelo a o ne e leng go kgobokanyetsa kago ya kereke madi. Moruti Lekula o tlhalositse gore le ntswa ba le dikereke tse di farologaneng ba rapela Modimo o le mongwefela, mme a re lefatshe leno ke mpho ya Modimo jaaka pina ya Setshaba e tlhalosa, mme ba tshwanetse go ipela ka lone le go le lebogela e le mpho. A le mane fela ke one a atlegileng mme a tsweletse ka go gola. O ne a supa fa go ya pele, palamente e tsile go gagamatsa molao wa bogodu jwa leruo ka go batla bosekisi jo bo faphegileng gore dikgang tse di tsibogelwe ka bonako. Fa akgela mo dithutong tseo mongwe wa banyalani ba ba neng ba itshupa e le sekao mo go ageng lolwapa lo lo nang le kagiso Rre Petrous Bock o ne a kaya fa ba itumeletse dithuto tseo ka di ba rutile go le gontsi le gore ba tla tswelela ba gakolola le banyalani ba bangwe ka se se ka thusa thata mo go ageng malwapa aa tiileng ebile a itsetsepetse. O ile gape a re e re ka Setswana se re moseka phofu ya gabo ga a swe lentswe ba sa ntse ba ikuela ka tsela ya Mogome/Mokgware, boroko ja mokentsi, badiredi le motlakase. Mme o kopile mananeo a dikopo tsa banana gore a fefosiwe gore baikopedi ba seka ba nna le mowa wa boitlhobogo. Mme Mannathoko a re bana ba sekole seo ba ba abetsweng ditlhako ba le lekgolo le masome a supa le botlhano go simologa ka baithuti ba ba rutuntshiwang go simolola sekole (reception class) go fitlha ka mophato wa bosupa. Ba ba tsentsweng bosheng ba D4 go ya tlase bone go tsewa ba le bararo go tswa mo kgaolong ya bopalamente nngwe le nngwe mo gotse tlhano, mme ga ba eme lobaka ka ba thusiwa ngwaga mongwe le mongwe wa madi, gape ga ba palo ntsi jaaka ba lenaneo la mongwe le mongwe la Turnkey. Mme Matiha o ne gape a kopa banni go akanyetsa leobo le mo mading a ditlhabololo a dikgaolwana. E re ntswa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse e mengwe di lebaganwe ke letlhoko la madi go itirela ditlhabololo, VDC ya Mogonye yone e inaakantse le puo e e ereng mokoduwe go tsosiwa o o itekang. O tsweletse ka go gatelela fa kereke e tshwanetse ya kgala e sa kgwe mathe tiriso botlhaswa ya nnotagi, diritibatsi, boaka le boitshwaro jo bo sa eletsegeng. Nnotagi e busetsa kwa morago A re, fa motlhophi a ne a ikwadiseditse kwa lefelong le sele, mme a eletsa go fudusa ikwadiso, o ikopanya le ba ofisi ya ditlhopho kwa a eletsang go ya go tlhophela teng, ke bone ba ba ka mo thusang. Morafe o ne wa fiwa sebaka go itebagnaya le kgang e ba e beilweng pele, mme kgang ya phagela mongwe le mongwe yo o emang a supa ka fa ditso di ntseng ka teng le gore ke mang yo bogosi bo mo tshwanelang ka mabaka afe. Kgosana yo o tlogetseng tiro ka bogodi Rre Kitso Kelosiwang yo e leng rangwanaagwe Rre Mere, o ne a mmolela gore morafe o tsile go mo lebelela gore a o ba tsaya ka tekatekanyo le gore o sekisa a sa sokamela ntlha e le nngwe fela. O kaile fa mo thusong ya potlako go sa letlelesege gore ope o ka dirisa melemo mo nthong ya yo o gobetseng ntleng fela le ba bongaka. Fa a leboga setshaba, Kgosi Magapatona o ne a re o itemogetse gore o na le setshaba se se kgathalang gape se na le lorato o ne a re monyetla o a dirileng e le kgosi e ne e le o o sa lebalesegeng. Mme Leburu o kaile gore dithupana tse tsa morogo wa rape fa di sena go oma, o tlhadia morogo wa tsone go ka nna ga raro, a bo a o apaya ka setokana sa nama go fitlhelela o butswa a bo a tshela mafura le letswai a bo a dira loswao. O ne a re ntswa seelo sa bone e le go duela barui mo malatsing a le 14, seo se santse se sa diragale, mme a ba solofetsa gore fa ba sena go fetsa melala e e solofetsweng go felela ka Phalane, o na le tumelo ya gore seo se tlaa diragala. Kgwebo ya matlalo e ka nowa moro Mokhanselara wa kgaolo ya Mogale Rre Ronicah Ntsimako one a kopa gore bagolwane ba ba berekang le Ipelegeng ba tlhophiwe ke komoti ya ditlhabololo kwa dikgaolong . Mo go tse dingwe, Kgosi a re o tshwenngwa ke bomme ba ba sa apareng sentle fa ba tla kgotleng mme a ba rotloetsa go apara mesese ka ke sone Setswana. A re maikaelelo a mangwe ke gore go nne le kgolagano fa gare ga mapodisi, setshaba, ba bosekisi ga mmogo le ba na le seabe ba bangwe gore ba kgone go lwantsha bogodu ja leruo ba le seopo sengwe. Erile morago ga go sa direng sentle mo dithutong tsa gagwe tsa lokwalo lwa bosupa, o ne a thatafalelwa ke go bona tiro ka letlhoko la ditiro le ne le ile magoletsa mme a seka a batla go ipona a ingwaya ka meno bakeng la go tlhoka go sa bereka. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Nyorosi Legare kwa Kanye, Mme Binki Oki, o akgoletse kereke ya St John Apostolic Faith Church in Zion go abela batlhoki diaparo. Kedikilwe o rotloetsa boipelego A re mo kgweding eno, ba setse ba gatisitse dikgang di le pedi kwa Ngwatle e nngwe kwa Zutshwa, fa bontsi jwa dikgang bo sa begelwe mapodisi. E rile a bua kwa bokopanong le bagwebi ba motse wa Sebina, Rre Mojewa a re ba ikaeletse go tsamaya le kgaolo ya bone go rotloetsa banana gore ba dire dikgwebo ba seka ba re ba emetse go thapiwa ke puso ka ditiro di le thata go bonwa. E re fa dikgang di eme jalo, Kgosi Mosinyi o supile fa go sena se se ngomolang pelo jaaka go nna le letamo mo motseng wa gago mme wena o bo o nna le letlhoko la metsi. Kgosi Phologo-Seitsang o bolokwa ka Matlhatso A re ba seka ba ithontsha ditshwanelo tsa Botswana jwa bone mo dilong di tshwana le go tsaya karolo mo ditlhophong tsa setshaba. A re mowa wa tshwaragano o o supilweng ke morafe wa gagwe le Batswana botlhe ka kakaretso, o ka isa lefatshe leno golo gongwe, a kopa setshaba go ema ka dinao go bona gore mowa oo wa tirisano mmogo o a tswelela. Rre Morakanyane o ne a tlhalosetsa morafe fa ba romilwe ke tona wa ditsha go sekaseka ka fa lefatshe le tsamaisiwang ka teng, ka jaana motse wa Letlhakane e le mongwe wa e e nang le kgogedi ya batho ba ba batlang ditsha ka lebaka la meepo, selo se se bakang gore go nne le bomaipaafela. Mme Mogomotsi a re ba ya go simolola go ba etela ba sa ba itsise go bona gore a ba dira dilo ka fa tshwanelong le gone gore a ba tshwara dibuka sentle. Kwa Mahetlwe ke motho ale mongwe yo o setseng a thusiwe ka thulaganyo e, ka gone ga tlhalosiwa fa bontsi bo kgatlhegela thuo ya dihutsane. Moruti Boemo a re nako le nako fa motho a tlhakanela dikobo le yo mongwe, o fa motho yoo karolo nngwe ya botshelo jwa gagwe. Mo tekodisong ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Rodgers Madzambi o ne a kopa gore ofisi ya kgotla ya bone e atolosiwe ka jaana e le nnyenyane, ka jalo badiredi ba ba direlang mo diofiosing tseo, ba bereka ba pitlagane e bile ba sa kgone le gone go boloka sephiri sa ditirelo tsa bone ka go farologana. Kgosi o supile gore leruo le le utswiwang thata ke dinamane tse di latlhisiwang bomaatsone, mme o tsweletse ka gore batho ba itshwarelela ka gore go na le molao mongwe o o reng kgomo fa e sa tshwaiwa ga e na mong. E rile modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang tiro eo, Mme Keolebogile Naolakgosi a ntsha tekodiso, a tlhalosa fa tiro eo e le tona thata e bile ba solofetse balalediwa ba tlotla ba feta lekgolo. Ba buile seo kwa khanseleng ya kgaolo potlana ya Boteti kwa Letlhakane bosheng, ba tlhalosa gore tiego ya dituelo tse e baka gore jaanong beng ba leruo ba gane go rekisetsa puso. Rre Tumaeletse o kaile fa e sale ka 2011 ba sepodisi sa Middlepits ba sena go ba rolela maikaelelo a bone, sekolo sa gagwe se ne sa leka ka thata. Ba ngongorega ka baatlhodi Ba re puso e sekaseke dipalo tsa bana tse morutabana a le mongwe a lebaganang le tsone E ne e rile go le pele mo mafokong a kamogelo, mogokgo wa sekole seo, Mme Mosetsana Morotsi a tlhalosa fa sekole sa gagwe se na le baithuti ba le 308, ka barutabana ba le 12, mme se kgonne go bona maemo a boraro mo ditlhatlhobong tsa ngogola, mo kgaolong ya botlhatlhobi ja dikole ya bokone. Banni ba tsosolosa mokgatlho wa ba-na-le-bogole A re e ne ya re Botswana a sena go tsaya boipuso, ba senya ditshipi tseo tsa kgaso ka ba ne ba sa itse mosola wa tsone, le diengene tse di neng di dirisiwa ka nako eo ka go ne go sena metlakase, morago ga gore batho basweu ba boele kwa Britain. Batawana ba tlhoma mothusa kgosi kgolo Monna o tlaa arabela go fitlhelwa ka dipodi tse di belaetsang O supile fa ngwao e tshwanetse go fetoga le dipaka, a supa gore fa e dira jalo e a nonofa. A re e tla bo e se setho gore Batswana ba lebale bagolo ka se ba se diretseng lefatshe leno. O supile fa a ithutile fela go le go ntsi mo dithutong tseo ka o ne a rutiwa le go bopa ka mmopa, se e le tsela ya go tlhofofatsa tiro ya gagwe. Mopalamente wa kgaolo ya Ngami, Rre Thato Kwerepe o rotloeditswe banni ba kgaolo ya Nhabe go inaakanya le mehama e mengwe ya itshetso go inamola mo lehumeng le le ba apereng. Kgosi Oletsositse Mosweu wa motse wa Dukwi a re ga a jeswe diwelang ke bangwe batsadi ba ba nnang ko merakeng ya Malelejwe le Tshwaane, ba ba sa tsibogeleng dithuto tsa bana ba bone. O gakolotse gore fa motsadi a setse a lemogile gore ngwana o dirisa ditagi, a bue le ene ka nako e a wetseng dibete le ngwana a se mo sediding sa bojalwa kana diritibatsi. Rre Ramogapi o supile se mo phuthegong ya khansele potlana ya Palapye bosheng. O tsweletse a re borre ba mapodisi ba ne ba tla mo lwapeng la gagwe ba na le bangwe ba morafe wa Sesarwa mme ba sa itse Setswana gotlhelele ka jalo a kopiwa go toloka. Molaodi o ne gape a re motse wa Makgaba o ya go tsenngwa mo lenaneong la ditlhabololo. One a leboga ba komiti ya ditlhabololo tsa magae ( Village Development Committe) gobo ba ntse ba mo lekodisa ka gore tiro ya bone mo kgaolong e tsamaya jang. Tautona Khama o buile se jaaka a ne a kopane le bagodi go ba abela dikobo ka Tshipi kwa kgotleng ya Manamakgotle kwa Mochudi. Fa a tshwaela mo moletlong o mokhutshwane wa go rolela ba lelwapa leo dimpho, modulasetilo wa komiti ya botsogo ya LEA, Rre Gaolaolwe Phologolo o ne a re e re le ntswa tiro ya bone e itebagantse le go thusa Batswana go simolodisa le go godisa dikgwebo tsa bone, fela ba bona go le botlhokwa gore ba tokafatse ka tsela nngwe matshelo a ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Kgosi Baruntshi Kegapetswe ene o ne a kopa dikereke gore di tlhame mekgatlho a re ke yone e ka di bopaganyang. A re banana, segolobogolo ba ititeye ka thupana go iphataphatela, a tlhagisa fa phokoje wa morago dintsa di mmona. Tiro ya diatla e botlhokwa Batsadi ba ne gape ba re go nna ga bana ba le nosi, batsadi ba le kwa masimo le kwa merakeng le gone go na le seabe sa kwelo tlase ya maduo. O ne gape a re karata eo, e tlaa bo e dirisiwa mo matshining wa banka nngwe le nngwe e seng ya ABC fela, a re tiriso e e tlaa fokoletsa barui ditshenyegelo tsa go latela dituelo kwa Francistown. Mme Kereemang Moses ke mongwe wa barui ba duhutshane kwa merakeng eo, se a se kgonne ka lenaneo la Youth Development Fund (YDF). O supile fa ene a setse a godile mo ebile a sa ikaegang ka puso gore e mo thuse ka mananeo a a itebagantseg le go thusa Batswana go lema a tshwana le la ISPAAD. Rre Kgathi a buile se mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng ya Oodi le Bokaa bosheng. O tlhalosa fa gape motho yo o itshidilang mmele a sa tsofale ka pele. Fa a tswa la gagwe go tswa mo lephateng leo Mme Gorata Ntshwabi o boletse fa lefatshe la Botswana le itlamile go ruta sechaba ka dikgang tse di amang bong le tekatekano go sa kgathelesege gore motho o ngwaga dikae. E rile fa bangwe ba le mo mherehereng wa go ipelela keresemose le ngwaga o mosha, setlhopha sa baithuti ba pele ba sekole se segolwane sa Matsha College kwa Kang ba ba feditseng ka ngwaga wa 1994 ebile ba tlholega mo kgaolong ya Kgalagdi Borwa bone ba gopola balwetsi ba ba robaditsweng mo sepateleng sa Tsabong ka go ba abela dimpho. Dikgang tsa bogosi di a tshwenya O ne a kopa gore go lebelelwe maphata a a tshwanang le bo Omang, ba tsa botsogo jwa tikologo, ba tsa dikgwebo le gone gore poso ya Lerala e dirisiwe go duela bagodi. A re go lemogilwe fa metshameko e le botlhokwa mo matshelong a batho fa go lebeletswe mo tshidilong ya mebele le gone go rotloetsa botsalano le mowa wa kgaisanyo magareng ga batshameki le balatedi ba ditlhopha ka go farologana ga tsone. O ba rotloeditse gape go bereka mmogo go tokafatsa go dira tiro. Tona a re maikaelelo ke go le busetsa mme go baakantswe dikgoreletsi tse di neng di le teng mo nakong e e fetileng. O ne gape a supa matshwenyego ka koketso dituelo tsa badirelapuso a re boraro mo lekgolong ke madi a mannye go lebeletswe seemo sa botshelo jo ba sa bo kgoneng, a re fa boraro mo lekgolong joo bo tsena beng ba dikgwebo bone ba oketsa ditlhwatlhwa go feta jone boraro joo. A re ba bone go le maleba gore ba iphe nako gore ba ye go tlhola le morafe wa Sehunou, ka a re botlhokwa jwa pitso e ke go fa morafe sebaka sa go nna le bone go buisanwa gore ba ba nang le matshwenyego le dingongorego tebang le ditirelo tsa botsogo ba a ntshe ba phuthogile gore ba tle ba fiwe tlharabololo, ba botse ka dingwe ditirelo tse ba sa di tlhaloganyeng. Ga re itse gore a ke gore ga le itse gore mananeo a teng, kgotsa le a a itsapela, kgotsa ga le a tlhoke, kana a a tura, ka ikopelo ya lona ya madi e kwa tlase, aga bua Rre Kebonang A re puso e dirile mananeo a a thusang ka madi jaaka CEDA go adima Batswana madi gore ba tsene mo dikgwebong. A re go dirilwe se morago ga go lemoga fa dikgaolo tseo di sa dire sentle mo go tsa temo, ka dipula di le boutsana mo go tsone. O kgothaditse ba ba tsayang diritibatsi tsa mogare wa HIV go di dirisa sentle le gone go tlhwaafalela go tlhatlhoba bana ba bone gore ba tseye kgato nako e sa le teng. Kgosi Mpaesele Itumeleng wa Peleng kwa Lobatse a re kereke e supa lerato le kutlwelobotlhko ka go fitlhelela setshaba kwa se leng teng. Mo phuthegong eo Kgosi David Rathibapana o ne a kgalela morafe go tlhoka go tsena diphuthego ka bontsi ntswa e le tsone tse ba ka lekodisiwang ka mananeo a puso le ditlhabololo tsa motse mo go tsone. Dingwaga tsa kgolegelo di simolola ka bosupa, lesome, lesome le botlhano kana go duedisiwa P500 000 kana P1 million, ga bua Rre Molebatsi. Leloko la mokgatlho wa He for she, Mme Lydia Mafhoko-Ditsa a re bomme le borre ba tshwanetse go tshedisana sentle le gone go tshwaraganela kgodiso ya bana. A re maikaelelo e ne e le go boloka madi a a ka mo thusang go simolola kgwebo ya gagwe. O supile fa ditlhabololo tse dingwe di akaretsa kgokelo ya dipompo tsa metse go tswa kwa letamong la Thune e tsweletse sentle, go baakanya ditsela mo kgaolong le gone go tsamaya sentle. O ile a ngongorega ka go runya ga dikereke mo motseng, a re seemo sa teng ga se amogelesege ka di lala di letsa diletso masigo, le bana ba dikole ga ba sa tlhole ba ithuta sentle. Mme Ramagwa a re seo ga se itse gore fa moikopedi a kgona, o ka fetsa pele ga dingwaga tseo mme a kopa tirisano mmogo le go sela dituelo tsa lenaneo leo morago go itsa dikgotlhang. Ipelegeng e tshidisa ba Kumakwane Fa a itebaganya le kgang ya tlhaelo ya melemo, o supile fa ba ne ba salela morago go abela barui melemo, mme a ba netefaletsa fa ba tla tsibogela seemo seo mo nakong e e sa fediseng pelo. Re ya go dira se, re sa tswe tshaba ya matagwa. Maikaelelo a rona ke go ba phutha gore ba kgone go tsweledisa maikaelelo a bone a go lema merogo, ba dirisa tshingwana ya morafe ya Eden. E rile a tsibogela pego ya komiti ya ditlhabololo, Rre Makgalemele yo gape eleng mothusa tona mo lephateng la tlhabololo banana, metshameko le kgodiso ngwao, a gatelela botlhokwa jwa go tswa ka maano aa ka thusang go tlhabolola itsholelo ya motse. Lekgotla la Bathoen II le tlhaelelwa ke maloko Le fa go ntse jalo Batawana bane ba amogela mogopolo wa go tlhama komiti e e tla gakololang ba bogosi, ba tlhalosa fa komiti eo e tlaa bo e emetse dikeletso tsa morafe. Mme Sejakgomo a re ba eletsa gore Batswana ba ba gakolole gore maphata a tokafatse ditirelo tsa bone jang, le gore a bodiredi bo dira ka natla go fa morafe ditirelo ka fa go tshwanetseng ka teng. Re tsweletse, re ya kgonnye, ka tota re batla boipuso jole jwa maloba, go apewa kwa isong, ga tlatsa mme Segokgo. Dr Maripe o ne a tlhalosetsa morafe gore fa go ka tswelelwa go jewa ditagi phetelela, go tlaa felela go dira gore batho ba latlhegelwe ke matshelo, mme seo se dire gore batswakwa ba ba tseele lefatshe ka go dirisa di-tsa bone. Dirukutlhi di leleka balemi kwa masimo – kgosi A re go utlwisa botlhoko ka bone e le barutabana ba leka ka bojotlhe go baakanya bokamoso jwa bana mme bone ba sa tlhoafala. O ne a supa fa motshine oo o tlaa thiba phatlha ka dikole di lebaganwe ke kgwetlho e tona ya tlhaelo ya didirisiwa mo go amang tiro ya letsatsi le letsatsi ya baithuti. Mme Mosinyi a re lemme le ba neng ba le amogela, ba ne ba le dirisa go itshetsa mme bontlha bongwe ba bo boloka gore e re pheletsong ba itshimololele kgwebo. O kaile fa a ne a itisitse le tsala ya gagwe mo phaposing ya borobalo fa ba tlaa bona noga eo. Batho ba le bantsi fa ba akanya go tsena mo kgwebong ba batla dikgwebo tse di bogadi bo gaufi, e le ntlha nngwe ya go tila dikgwetlho tse gantsi di tlang le kgwebo. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, kgosi a supa fa ditsela tse di mo kgotleng ya gagwe di le mo seemong se se ngomolang pelo, bogolo jang fa dipula di tshologile. Rre Maele o ne a bolela fa marudi a ntlo ya ga Mme Monnawatlala a le mo go ene ka jalo ga go a solofelwa gore mongwe a ka mo kgopakgopetsa mo go yone mme go tshwanetse ga seka ga nna le dipuo tse di maswe ka a e agetswe. O supile fa bana ba ba lala ko maitisong mme batsadi ba sa tseye boikarabelo jwa go itse gore bana ba bone ba kae are mafelo a ke one a bana ba ba kopanang le dilalome tse teng. Babereki ba ne ba lekodisa tona ka matshwenyego a bone a tshwana,letlhoko la boroko,diofisi le didirisiwa,gotlhoka go tlhatlhosiwa maemo ,dipagamo,go okediwa dikitso le gona sebaka mo lefelong le le lengwe,go tlhoka go duelwa sentle . Rre Tsebekgale a re e le ba komiti ya balemi ba lemogilegore fa ba ka gokelelwa metsi le motlakase ko masimo ba ka bona thobo etokafala ka di ka ba tlhofofaletsa tiro. Kereke ya Living Faith Ministries kwa Mochudi e ne ya kgobokanya bagodi go lemoga botlhokwa jwa bone ka Matlhatso. Fa a tswa la gagwe, raboipelego wa Barolong Farms, Rre Kgakgamatso Ditshego o tlhalositse fa kgaolo eo e na le batlhoki ba le mmalwa jalo a lebogela seabe se kereke e se ntshitseng. O ne a tlatsa ka go re a puso e lemoga gore bana bao fa ba ne ba bona thotloetso ya batsadi ba ka bo ba dirile botoka. Kgosi Puso a re dikgosi di tla itlama go tsaya boikarabelo jwa go sokasoka morafe go dira tse di tshwanetseng go re go se ka ga kgatlhegelwa dingwao tsa mafatshe a mangwe. Ene ga a ise a letle gore o ka tsena mo seemong sa go nna motlhoki a tshela ka mophako. Mmabontle le rrabontle ba setlhopha seo Mphoentle Paakanyo le Kanana Mapongo ba ba tla a emelang toropo ya Selebi Phkwe ka boipuso jwa 2016 ba re ba sale ba ikgobokanya ka 2014 e le balekane mme ba tla ka megopolo e e ka tsisang pharologanyo mo setshabeng mme ba tla ka wa go sela matlakala le go leba botlhoki mo sepatela. O buile seo kwa moletlong wa go ipelela thobo o o neng o tshwaretswe kwa masimong a Dikogo ka Labone, Seetebosigo a tlhola malatsi a masome mabedi le borobabobedi. E ntse e le ka lone letsatsi leo, mopalamente o ne a buisa phuthego e nngwe kwa motseng wa Masukwane, mme banni ba metse eo ka boraro, gareng ga tse ba neng ba ikuela ka tsone ya bo e le letlhoko la boroko jwa badirelapuso ba ba direlang mo motseng ya bone, tiego ya ba lekgotla la kabo ditsha go abela baikopedi ditsha le go sa phatlaladiwa ga motlakase mo dintlheng tsotlhe tsa metse ya bone. Rre Seretse, re ke sone se puso e tsereng kgato gore go nne le batlhotlhomisi gammogo le basekisi go thusa mapodisi. Rre Seitsang o supile fa Kgosi Phologo-Seitsang a ne a tsena mo setilong sa bogosi morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe, Mmusi Phologo, yo o neng a setse a tlogetse tiro ya bogosi ka bogodi. Kgosi a re o lebogetse batsadi ba bana bao go tshwaragana le bogogi jwa motse go laola seemo se ise se bife. A re ka tirisano ya bone le ba Ipelegeng ba setse ba kgonne go agelela mabitla a a kwa Mmaphethu. Mme Kedidimetse o kopile gore ngaka a agelwe ntlo ya boroko, gore a nne gaufi le bone ka mo nakong eno a tswa Palapye. Rre Segadika o kaile gore gongwe fa ba ka epa ba ka kgona go fitlhela madi a bogologolo, dinaka le marapo a diphologolo mme ba a tlhatlhoba morago ba a ise kwa motlobong wa ditso go a somarela. Mme Samakha o rotloeditse Batswana go kwatabolotsa mo dikgwebong tse di leng teng a re fa motho a na le kgwebo o ka ipelega. E rile bosheng komiti ya balemi le ya dikgafela kwa Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba abela Mme Mmamatlotla Mbolawa dikgetsi tsa mmidi di le tlhano, ya mabele le ya dinawa. Mokgatlho wa Dignity Trust Foundation o abetse bana ba sekole se segolwane sa Boikhutso mesangwana ya basetsanyana e le makgolo a mararo. A re o lebogela thotloetso ya ba lelwapa la gagwe le bakaulengwe ba kereke, dikompone tse di ikemetseng di tshwana le First National Bank, Stanbic Bank le Barcelos gammogo le Taskin Nine go tswa Gaborone. O buile jalo kwa thuto puisanong ya go lemotsha batsadi le batlhokomedi ba bana, ka go godisa ngwana mo go siameng le gone go abelana maele ka kgodiso ya ngwana. Kgosi Koboyakgomo o ne a tlhalosa fa se sene sa ba tshwenya thata mme ba tsaya matsapa go ruta morafe ka botlhokwa jwa go begela ba bogosi le sepodise fa bana ba dira sepe se e ka tswang e le botlhoko tsebe. Spirit Embassy e abela baithuti Fa a tswa la gagwe, Mme Matshidiso Mpayang go tswa kwa go ba kwadiso dikompone, o rotloeditse batsena phuthego go tlhama dikompone le go di kwadisa ka fa molaong, a supa fa e tlaa re ka Seetebosigo kwadiso ya dikompone e bo e dirwa ka maranyane. Rre Kaolatola a re o dumela fa jaanong ditoro tsa gagwe tsa go bona kgwebo e gola di tla a fetoga nnete e bile a tla kgona go tlhamela ba bangwe ditiro mme a supa fa katlego ya gagwe e ikaegile ka bopelotelele le lerato go fitlhelela ditoro tsa gagwe. Mothusa mokwaledi wa lephata, Rre Duke Masilo o ne a supa fa ba utlule mme e bile ba tlhaloganya dikgang tsa motse wa Lesenepole mme a re mo maineng a mabedi a a ntshitsweng, morongwa e bong Kgosi Seretse o tlaa ya go a bega. Go ya ka mookamela mapodisi a borwa Rre Oreeditse Mautle, mapodisi a Middlepits ba ile ba kopanya ditlhogo go tswa ka maano a go rotloetsa baithuti go tlhwaafalela dithuto tsa bone. Banni ba Moroka ba rutwa go boloka madi Bontsi jwa ba tsena bokopano joo, bo ne jwa dumelana le ene fa moretlwa ele molemo wa moithuti ntswa ba ne ba tlhalosa fa kgang ya go otlhaya moithuti ele matswakabele malatsi a gompieno. Moruti Gwu o ne a gwetlha batho go amogela Modimo, ka seo se ka ba thusa go rata le go ba ema nokeng ba ba tshelang le mogare, gore ba kgone go tshela ka kagiso le phuthologo ba sa boife sepe. Go itse tsamaiso go botlhokwa Mme Botsheleng a re e ne ya re fa a fetsa go dira se, batho ba supe kgatlhego, ba kope gore a ba direle. Rre Security Mokubate wa Makwate a re batho ba le bantsi mo motseng ga ba akole mananeo sentle, selo se a reng se ba beile ka fa mosing. A re fa dilo di ka tsamaya sentle, ba ikaelela go ya go fitlha kwa metseng ya Otse, Mogobane le Taung, ka le bone setlhopha se tla a bo se ba emetse. Mme Mooketsi a re FNBB e dumela gore go tsisa seriti le ditlamelo go tsosolosa thuto, ke ka moo e tlhophileng Kolonkwaneng go tsisa dibeke tsa motlakase ka ba lemogile letlhoko leo teng. Mokhanselara Motlhatlhedi o ne a re kereke ke yone botshabelo jwa motho mongwe le mongwe mme o ne a rotloetsa bagodi ba ba neng ba le ko modirong oo gore ba inaakanye le go tsena dikereke. A re puo ya Setswana e a latlhelelwa fa e kwalwa mme a rotloetsa Motswana mongwe le mongwe go kwala puo ya se ga bone ka manontlhotlho. Rre Thiite a re kwadiso ya ditsha e botlhokwa ka e thusa mo go direng mealo ya ditlhabololo tsa motse. Rre Seeletso Moipei ene o inaakantse le thuo morago gago abelwa dikgomo ka lenaneo la banana ka 2015. Fela jaaka kgokgontsho e golela pele ka dipalo tse di sisimosang mmele, manokonoko a a bakiwang ke kgokgontsho le one a golela pele ka dipalo tse di tshosang ka jalo e tshwanetse go emelwa ka dinao, ga dirwa tshotlhe tse di kgonegang, ke batho botlhe gore e nyelediwe gotlhelele. Rre Thapedi a re tiragalo nngwe e e neng ya mo utlwisa botlhoko bosheng ke e bangwe ba baithuti ba neng ba tlhaga mo sekoleng dithuto di tsweletse mme ba ya kwa merakeng mengwe ba ya go bolaya kgwathe. Mme Kachana o ne a kopa banni ba Gamodubu le mafelo a a mabapi go ba itshwarela ka jaana seemo se sa laolesege, mme mosi o tswa o le montsi thata. A re yo o tlhajwang thobega o ne a tlhamalatsa lonao kgotsa seatla se se robegileng mme go tshegediwe fa go robegileng ka dithito tse pedi tsa moretologa mme di lebaganngwe le lerapo le le robegileng. A re mme le pele ga moo seemo se ne se ntse se le maswe mme o kopa lephata la ditsela la khansele go thusa go tshela lekgarapana gore ditsela di lebege. Gape ke go lemoga seabe, maiteko le dikgwetlho tsa batho ba ba tshelang ka HIVAIDS. O bolela fa go tloga foo, go lema le go rekisa merogo ka go farologana e ne ya nna tiro ya bone ya tsatsi le letsatsi, mme e bile theko e ne e le e e nametsang. A re moikopedi o thuswa ka didirisiwa tse di tlhokegang mo kagong a bo a duelelwa moagi mme a re mo ngwageng tse tlhano tse di fitileng, baikopedi ba le makgolo a le mabedi le masome a robabobedi le borataro ba filwe dithuso tsa lenaneo le. Mookamedi wa moepo wa Jwaneng Rre Albert Milton o kopile makalana ka go farologana go nna le seabe mo go lwantsheng bogodu jwa diteemane. Modulasetilo wa khansele- potlana ya Letlhakeng Rre Meshack Tshenyego a re lephata la Botsogo le Boitekanelo la re le malala-a-laotswe go bona gore bolwetse jwa Coronavirus jo bo tlholegileng kwa China ka Sedimonthole ga bo jwelelele mono gae. Sekole se segolwane sa Matshekge kwa Bobonong se kailwe fa se dira sentle mo metshamekong e tshwana le kgwele ya dinao, mabole, bolo-tloa le e mengwe. Ditshupo tse di ne tsa konotelelwa ke kabo ya ditlankana mo go ba ba dirileng sentle go ya ka ditlhophana tsa dikgwebo tsa bone go akaretsa baroki,babetli, babopi le ba ba dirisang tse di sa tlholeng di le mo tirisong go dira ddirisiwa tse dingwe. Rre Kgafela o ne a lebogela seemo sa dikago tseo, ka jaana tiro e e dirilweng mo go tsone e le ya ma-tswa diatleng, mme e bile go dirisitswe didirisiwa tse di nang le boleng. O tlhalositse fa sekole seo se gapile maemo a bone e bile gape baithuti bangwe ba kgonne go ikgapela dietsele. Mokgatlho oo itebagantseng le go lwantsha kgokgontsho ya bong kwa motseng wa Sebina o itemogetse koketsego ya dipalo tsa baikuedi ba ba kgokgontshiwang. O tlhalositse fa dikiteo tse di diragala segolo bogolo kwa marekisetsong a majalwa ka dinako tsa maitiso, mme e bile di ama batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana. Mosele wa pula o epiwa nako e sa le gale Rre Makosha a re se se thusa banana fela thata ka ba batla gore ba seka ba nna le nako ya go jewa ke bodutu mme morago ba felele ba itshietse majalwa a a borai a setso. Kgosi Mangongorego o tlhokafala a le dingwaga tse di masome a mane le borobabongwe (49) mme o simolotse tiro ka 1998. O ne a kopa setshaba go nna le mowa wa go bega sepe se ba se belaelang e le sa bogodu, le go emisa go reka dithoto tse ba di belaelang e le tsa bogodu. Rre Gaborone a re go botlhokwa thata gore batho ba ba lesego mo botshelong ba lebe letlhoko la ba ba tshelang le bone mme ba ba thuse. Mogokgo o supa fa ba tlhoka koloi e e ka rwalang bana ba ba nnang kwa masimong a Masama le Motlhabaneng go ya le go boa kwa sekoleng ka go le sekgala. Go kaiwa fa batsadi bangwe ba itse ka seo mme ga ba re begele sepe, ga bua mogokgo. Le fa go ntse jalo, Mme Ramaribana a re go botlhokwa gore makalana ka go farologana ba ithute puo e e dirisiwang ke ba ba senang puo le kutlo. A re komiti e tshwanetse go nna e etela kwa di ofising tsa ga mmaboipelego go mo lekodisa ka tsa motse wa bone le gore a ba tlhalosetse ka mananeo a ba ka a tsayang go leka go tokafatsa matshelo a bone. A re e ne ya tsala mme ya oketsega go nna masome a matlhano le bone, mme mo nakong ya gompieno o setse a rekisitse e le lesome le bobedi. A re bangongoregi ba kopana le babelaelwa kwa bothokong mme morago ba tsholole kgang ka ba itshwarelanye. O boletse fa jaanong go setse go na le kgang ya gore bana bangwe ba tsaya dipilisi tsa diritibatsi ba di tlhakanya le mantle a bone ba bo ba dira tagi. Mme Morwe o boletse fa letlhoko le lengwe la bone e le motlakase o a reng o kgoreletsa tiro. Mongwe wa banana ba ba thusitsweng ka lenaneo la Youth Development Fund (YDF) kwa Moshupa o gatetse pele ka kgwebo ya dijo. A re bosheng, lephata la botsogo le tlhophile dikoloi di le 177 go tswa kwa dikoloing tse di kwa CTO mme la di baakanyetsa go di dirisa mo dikokelong le dikokelwaneng. Magodu a leruo a tlaa emela tsheko mo kgolegelong, e bile gape molao o o letla gore le fa motho a sa amege mo go utsweng leruo, mme a adimile batho koloi kgotsa sengwe ba utswa, motho wa go nna jalo le ene a sekisiwe, a tlhalosa. O kaile fa ka dinako dingwe a ne a thapiwa go kgabisa kwa manyalong le ka nako ya mediro kwa dikgotlengi. E ne ya re ba akgela barutabana ba supa fa ba diretse lefatshe leno ka jalo ba tlhokana le go lemogwa ka dinako tsotlhe, fa bangwe ba ne ba re go na le tlhakatlhakano ya gore makgotla a babereki jaanong a fetogile a sepolotiki. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa lenaneo la nyeletso lehuma mo Kgatleng Mme Khutsafalo Mogotsi o rotloeditse badirisi ba lenaneo le go itsaya tsia gore ba kgone go atlega. A re mo nakong e nngwe ba iphitlhela ba le ka fa tlase ga kgatelelo, mme ba tlole molao, ba dire se babueledi, bo mmakaseterata le mapodise ba reng ba se dire ntswa ba ntse ba lemoga gore ga go ka fa tsamaisong. Temo e e tlhabolotweng bokamoso O ne a gatelela tiriso ya puo ya Setswana le gone go somarela ngwao, a re batho ba tshwanetse go ipelafatsa ka sekano le pina ya setshaba. A re se se teng gape kwa makgotleng a ditlhabololo tsa metse, a Village Development Committee, ka jaana go se bonolo go bona banana ba inakantse le one. A re o maswabi ka batho bangwe ba ne ba akanya gore o tlaa ganelela mo setilong. Mothusa mookamedi wa lephata la dikgwa le dibapalwa nageng, Rre Joshua Moloi a re ba ipaakanyeditse paka le kgonagalo ya melelo ya naga mono ngwaga. Mapodisi a a direlang mo kgaolong ya Good Hope-Mabule, baruti, maloko a dikereke ka go farologana le badirelapuso, e ne ya re mo bekeng e, ba phuthaganela fa makopanelong a ditsela tsa Good Hope, Ramatlabama le Pitsane go rapelela tsela eo. Dr Somolekae o ne a nna le sebaka sa go etela dikokelwana tsa Lecheng le Malaka go bona bodiredi le ka fa ba tshelang ka teng le sone seemo sa melemo. A re Batswana ba itlhokomolositse ngwao ya bone, ba kgatlhegela dingwao tsa batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa ba sa jesiwe diwelang ke dikgotlhang tsa lefatshe tse di bakwang ke go lwela melelwane le go tlhatlagangwa ga ditsha. Kgosi wa kgotlana ya Metsiaela, Rre Alfred Petelelo a re morafe wa gagwe o kgonne go agelwa matlwana a boitiketso mo malwapeng ka thuso ya boeteledipele jo bo nonofileng jwa ofisi ya ga molaodi le khansele ba sena go kopa madi kwa komponeng ya Debswana. Khansele e kopela maloko a PTA dikatso Are le fa go ntse jalo ga a ipone tsapa ka a santse a emetse go kopa dithuso kwa go ba ofisi ya banana. Kgosi Bampusi o ne a tlhalosa fa komiti ya ditlhabololo tsa motse le yone e ka seke e kgone go leka go dira dikholobete tse di ka thusang go fetisa metsi a pula, pele ga ditsela di ka tshelwa sekontere ka go dira jalo e tlaa bo e le ditshenyegelo ka di tlaa ntshiwa fa ditsela di tshelwa sekontere. O boletse fa mogare wa corona o anama ka lebelo le le kwa godimo thata, mme go batla babereki ba ititaya ka thupana go ipabalela. Kgosi Somolekae o kopile mopalamente go re ba thusiwe ka bodiredi, a ka ba na le letlhoko la bakwaledi. World Group of Companies e solofeditse fa e tlaa rekela sekole seo dipente. Mothusa kgosi wa Sefhare, Kgosi Mpeo Mpeo o ne a supa fa a itumelela thulaganyo ya go tsosolosa mokgatlho wa ba-na-le-bogole mo kgaolong ya bone. Go obamela matshwao go fokotsa dikotsi Puso ya lefatshe leno e ipeetse seelo gore ka ngwaga wa 2016, Batswana lefatshe ka bophara e bo e le tshaba e e rutegileng gape e na le kitso e e nitameng e le maleba. A kopa gore ba fudusetse mo kgaolong ya boteti. A re seo se ba tshwenya thata ka se ba itsa go lwantsha bogodu jwa leruo jo bo tsweletseng ka go golela godimo. E rile ba bua kwa phuthegong ya kgotla e neng e buisiwa ke mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Biggie Butale bosheng, ba tlhalosa fa ba ne ba lemile mo go kgathisang mme e ne ya re dijwalo di gola ditholo tsa dira go swela. A re mo Goo Tawana go na le merafe e e farologaneng e e tshwanetseng go tsewa ka tekatekano gore go seka ga nna le semorafe. O tlhagisitse baba amegang go itse fa go se ka fa ba ka tsietsang tsamaiso ka teng, ka go thalosa fa thulaganyo e tsepameng e dirilwe go kgaoganya tiriso ya lefatshe (layout) go itse gore tebego ya kgaolo ene entse jang nako ya fa go dirwa moalo ka 2009. Kgosi ya Mogonono mo kgaolong-potlana ya Lentsweletau, Mme Goitseone Sekgwa, a re lekgotla la twantsho borukutlhi mo motseng wa gagwe le dira sentle. Banni ba Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba re ba ikaeletse go keteka boipuso jo bo pharologanyo le jwa dingwaga tse dingwe monongwaga ka ba batla go busetsa serodumo sa boipuso le ngwao e go lebegang e nyelela. Morago o ne a rapelela pula O ba rotloeditse gape go tshegetsa mowa o montle o, a tlatsa ka gore go a itumedisa go bona morafe o omoga ka dipalo tse di kwa godimo fa kgosi a ba biletsa tiro epe fela kwa kgotleng. Rre Shathiso Daki o buile se kwa Tonota mo kgweding ya go lwantsha mogare o mme a re banni ba tshwanetse gore ba itshekatsheke gore ba nnile le seabe go le kae go lwantsha HIV ka e le maikarabelo a mongwe le mongwe. A re se se ngomolang pelo go feta ke gore le bone bathapi ba batho bao o fitlhela ba sa itse motho yoo ka ba ipitsa ka maina-ina a a sa tlhomamisegeng. Modulasetilo a tlhalosa fa ba dirisitse P1 000 go tswa mo letloleng la komiti ya bone go reka dimpho tseo. O ne a tlhalosa fa letlhoko la molemisi mo motseng wa bone e le sone se se ba kgobang maropa le go feta ka go sena gope ko ba kopang dithuso teng. Kgosi o kopile gore go baakangwe molao gore fa motho a tshwarwa ka leruo la bogodu, a seka a letlelelwa go emela tsheko kwa ntle ga kgolegelo. O ba lebogetse go bo ba le moono mo go tlhomeng kgosana, go sena dikgogakgogano. Tona wa Dikgaolo le Tlhabolo Magae, Rre Slumber Tsogwane,o kopile babereki ba lephata la gagwe go dira tiro ya bone ka nata. Mme Motswetla a re kamano ya tsa botaki go tswa bonnyennyaneng jwa gagwe le lorato le le tseneletseng di ile tsa gola thata mo a feletseng a dira dithuto tsa botaki kwa dikolong tse dikgolwane tsa Nanogang Junior Secondary School le Naledi Senior Secondary School kwa a feletseng a tsaya A le B ka tatelano. A re se se ngomolang pelo ke gore batho ba ba dirang ditiro tsa go nna jalo ke bomme ba ba nang le bana e bile ba le mo seemong sa go nyalwa. Kgosi Nkgageng o ne gape a rolela hutshe banana ba Tati Siding, a re go ikitaya ka thupana ga bone go tsena ditiro tsa motse segolo jang diphuthego tsa kgotla, go tlhapisa pelo. Ka jalo ba gwetlha ope fela yo o nang le keletso e e tshwanang le ya bone go tia moko go emelelana le dikgwetlho tse ba ka kopanang le tsone. Mo nakong e, Mme Moupanaga o thapile kgaitsadie go mo thusa ka tiro ya go apaya e le ntsi fela thata. Erile a bua ka mathata a a kgoreletsang maiteko a bone a bolela fa komiti e bona mathata ka nako ya fa batsadi ba ba berekang Ipelegeng, dikatso tsa bagodi le badisa ba amogetse a re go nna tlhakatlhakano ga gona mogolo le ngwana go nowa majalwa go a lowa ebile bana ba tlogela sekole ba sia le batsadi. Mogokaganya ditiro mo kgaolong ya borwa, mo lephateng la tlhabololo banana metshameko le ngwao, Mme Malebogo Mosala o lebogile thata bogogi jwa Lobatse, a re dinako tsotlhe ba fa lephata kemo nokeng. Rre Dibotelo o ntshitse thotloetso eo, morago ga go lemoga fa go ne go sena mogwebi ope yo o neng a rekisa mo letsatsing leo, le ntswa badiri ba maphata ba ne ba tlhokana le dijo, e le tsela nngwe ya go tsholetsa bagwebi ba motse oo. Banni ba Itholoke mo kgaolong ya botlhophi ya Jwaneng/Mabutsane ba lela ka letlhoko la metsi le motlakase le ba reng le ba itsa go tlhabologa le go akola mananeo a puso. O rotloeditse bana go nna ba dirisa motlobo wa dibuka ka nako tsotlhe e ka tswa e le e e mo mafelong a bone kgotsa mo ditoropong fa ba etile go oketsa dithuto tsa bone. A re ba tlaa di agela bodilo gore di seka tsa tsenya badirisi dingalo fa ba aga metsi, a ba a solofetsa fa WUC e tlaa tlhomamisa gore di nna fela di na le metsi. O ne gape a re yo o neng a tlhaba thobega o ne a tshwanetse go totla le go ilela letsatsi leo tka go sa omana, go rogana, go lwa kgotsa go tenega go fithelela la ka moso le tlhaba. Go ya ka mongwe wa masika a moswi, Rre Donald Seitsang, kgosi o simolotse go etelela morafe wa Makopong ka ngwaga wa 1982 go fitlha a tlhokafala. A re e re ka Batswana bangwe ba inaakantse le go gweba ka thekiso ya lefatshe, go ipaya lefatshe ntleng le tetlelelo ya makgotlana a kabo ditsha le go ikgatholosa go tlhabolola ditsha tse ba di abetsweng, ke sone se palamente e tsereng tshwetso ya gore batho ba ba sa tlhabololeng ditsha tsa bone mo dingwageng tse di masome a mararo ba di amogiwe gore di neelwe Batswana ba bangwe ba ba ka tswang ba tlhoka lefatshe la bonno. Fa a araba selelo sa bone, mopalamente o ne a tlhalosa fa puso e beetse fa thoko P19 million go tla go araba selelo sa letlhoko la metsi. A re kgato e Tautona Dr Khama a e tsereng ya go letla gore molelo wa kgolagano o tsamaye motse le motsana lefatshe lotlhe o tsisa kagiso le lorato mo gare ga Batswana bogolo jang ka Motswana mongwe le mongwe a nne kwa a ratang teng. O ne a tlatsa ka go re ba tlhamile dikomiti tse ba eletsang gore morafe o nne le baemedi mo go tsone. Mokhanselera wa Mmaphula Botlhaba, Rre Mphoentle Kabelo ene o ne a re mafoko a ga modulasetilo a gore ba buisana le mogwebi mongwe ka kgang ya matlakala, ene o bona kgang eo e ne e kabo e ne ya bulela mongwe le mongwe go ka e ipapaletsa go na le go e neela batho ba ba tswang kwa ntle ga lefatshe leno. Rre Kgosiyabone a re maiteko a mofuta o, a ka thusa go fenya dikgang tse di tshwenyang mo setshabeng. Fa a ema babereki ba LIPAHP ka lefoko, o ne a ba rotloetsa go itoma melomo ya tlase le ntswa ba lebanwe ke kgwetlho ya letseno le le kwa tlase, go thusa lephata go kgona maitlamo a go thusa go lwantsha letlhoko la boroko mo go ba ba ’kobo dikhutshwane. Tsamaiso e ngongora banni ba Mokubilo Go diragatsa toro e ya bone, Mme Kavurase-Sedio a re ba tsweletse ka go kokoanya madi ka ditsela tsotlhe tse ba ka di kgonang jaaka go koleka, go kopa dithuso mo morafeng le go rekisa borotho le supu fa pele ga kokelwana. Maphata a puso le morafe ba a itshekatsheka Mme Molubi o kopile borre gore ba emise tumelo ya gore fa ba ka ya go bega gore ba a kgokgontshiwa mapodise a ka ba tshega. Mokhanselara wa Paje, Mme Ruth Kadisa ene a re, selo se sengwe se se ngomolang pelo ke gore batho ba sale ba rekelwa melemo ya dipodi le dijo tsa dikoko mme di tloga di senyega ka jaana ba ise ba neelwe diruiwa tseo, a re o ipotsa gore jaanong ke mang a yang go duelela ditshenyegelo tseo. Kgosi Bompoetse Gotshwanetse wa Mhalapitsa o tlhalositse mo phuthegong ya kgotla gore ba tlhorontshiwa ke magodu a leruo a a tlhotlhelediwang ke beng ba marekisetso a nama. E rile a tsibogela matshwenyego a morafe, mmaboipelego wa kgaolo Mme Pearl Molapisi a tlhalosa fa lebaka la gore dilo di bo di le bonya e le gore ba ba filweng boikarabelo jwa gore ba tlise didirisiwa ba bo ba le bonya le go dira tiro ya bone. Mo go tse dingwe, Rre Sesinyi o gakolotse setshaba go netefatsa gore ga ba tlogele malapa a le nosi ka nako ya Keresemose go thibela gore dirukutlhi di sale di ba senyetsa. Fa a ba araba, mopalamente Kablay o supile fa a nna a bua ka tsela ya Botlhapatlou kwa palamenteng, a bo a bolela fa puso e adimile P10 billion kwa China go tla go dira ditsela a bo a supa fa a letile gore a o tlaa fiwa serwe mo mading ao. A re go bo batho ba kgaolo eo ba mo ntshitse kwa khanseleng ba mo isa kwa palamenteng ba kgotsofalela tirisano mmogo ya gagwe le bone. Mothusa kgosi wa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng, o kgadile banni ba motse oo ba ba sa tseneng diphuthego tsa kgotla. Sebui se sengwe Rre Duncan Marumola a re ene o nnile leloko la Sefapaano se Sehibidu ka ngwaga wa 1971, a sale kwa sekolong se sebotlana. E ne erile gole pele mo mafokong a kamogelo, Kgosi Moatlhodi Kgabo, a lekodisa tona fa bodirela puso kwa Medie bo tshwenngwa ke pharologanyo ya dituelo tsa madi a RASA a a duelwang bodiredi jo bo kwa mafelong a a kgakala le ditlamelo. Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa kgaolwana ya Selemela Rre James Matlhogojane a re pego ya ga ratoropo e a amogelwa le mororo bothata jwa matlakala e le bothata jo bo tsweletseng mo toropokgolo mme bo tshwanetse go tsibogelwa. Mogokaganyi wa ofisi ya ditogamano tsa puso kwa lephateng la selegae le ditlhabololo tsa dikgaolo Rre Lewis Malikongwa o gwetlhile balaodi ba dikgaolo tsa bokone go tshwaragana le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse (VDC). A re go tsile go dirisiwa baitseanape ja maranyane a a faphegileng go tlhotlhomisa dikgang tsa bogodu ja leruo go thusa go nonotsha bosupi. Kwa Pole Kgosi Clinic Ketlogetswe le ene o ne a kopa mopalamente go ba kopela tekodiso ka seemo sa tsela, a tlatsa ka go re paka ya dipula e tloga e ba fitlhela, mme bana ba palelwe le ke go ya dikoleng. A re barutabana ba tshwanetse go dirisana sentle le bana go rotloetsa tshosologo mme ba rotloetse bana go tlhama mekgatlho e e thusang go ema kgatlhanong le tlhotlheletso e e sa siamang go tswa mo ditsaleng. Ba IHS ba aba ntlwana ya matlakala O ne a tlhomamisetsa batsena moletlo oo fa ba tla dirisisa diofisi tse di lopileng madi aa kanang ka P1,608,745.00 tse di agilweng ka lenaneo la ipelegeng, tse di nang le dikammore di leng thataro di akaretsa mabeelo a dirisiwa, ya boapelo le matlo a boithomelo a le mabedi ba tla di dirisa ka manontlhotlho ka go di tlhokomela ka nako tsotlhe. Mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi Bokone, Rre Noah Salakae a re barua-kgomo ba tshwanetse go dira tse mafatshe a Yuropa a se tlhokang gore dikgomo tsa bone di ba busetse. Mogolwane go tswa kwa lephateng la botsogo, Mme Sekani Chikunyana, o ntshitse kakgolo go sena go rutuntshiwa babereki ba ba direlang kwa dipolaseng tsa Sherwood le tse di mabapi ka HIV/AIDS ka mafelo a beke. Fa ba tswa la bone, banni ba Mulambakwena ba ne ba supa matshwenyego a le mmalwa a dingwe tse di ba amang mo motseng wa bone jaaka tlhaelo ya metsi, go sa atolosiwa ga motlakase mo dintlheng tsotlhe tsa motse, tlhaelo ya matlo a boroko jwa barutabana le tse dingwe. A re kgwetlho e tona e a e itemogetseng ke ya kgaisano e a e fiwang ke ba poso, ka jaana ba dira ba bo ba rurifatsa meriti ya ditankana le Omang, selo se ene a sa se direng, ka a sena tetla ya go rurifatsa. Mapodisi a boloditse letsholo O ne a tlatsa ka go tlhagisa gore fa batho ba tlhokile kutlwisisano ba itlotle ba nne fa fatshe ba bue ka jaana Motswana a rile ntwa kgolo ke ya molomo e bile molemo wa kgang ke go buiwa. Botshwakga bo jesa leswe Bogadi ke jone bo fang lenyalo kana Rre seriti se monna ope a neng a ka seke a se itlhokomolose fa a tsena mo nyalong ka jalo a bo ntshe go supa fa ka boammaaruri a ipaakanyeditse e bile a ikemiseditse go nyala go sa kgathalesege katlholo e e tlaa bewang fa pele ga gagwe. Rre Onkabetse Petlwana go tswa kwa lekalaneng le le thusang ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela la Motor Vehicle Accident Fund (MVA) o tlhalositse fa go golafala le go latlhegelwa ke matshelo mo go bakwang ke dikotsi tsa tsela go ama itsholelo. Mosekaseki wa tsa temo-thuo kwa lephateng la tshekatsheko ya temo-thuo, Rre Oaitse Monei, a re mogare wa HIV o nnile le karolo e tona mo go fokotseng go ntshiwa ga dijo mo lefatsheng ka bophara. O ne gape a akgola tirisano mmogo e e teng magareng ga maloko ao, a tlhalosa fa e tlaa ba isa kgakala. O boletse fa Batswana ba tswa kgakala ba thusana ka go abelana mafisa le ka letsema e le sesupo sa lorato le go eleletsa ba bangwe dilo tse di siameng. O buile jalo kwa letsatsing la ngwao le le neng le tshwerwe kwa sekoleng se sebotlana sa Serorome kwa Palapye go ruta bana ka ngwao. Rre Bogosi a re se ke sekao se se papametseng, se se supang fa banana ba ikgatholosa tsamaiso ya puso ya batho ka batho, e e nontshiwang ke go bona bontsi bo tsaya karolo. E re jaaka malatsi a paseka a atumetse, e bile tiriso ya ditsela e tlaa bo e tsholetsega mo malatsing a, boeteledipele jwa kgaolo bo ne jwa bona go le botlhokwa go lebisa matlho le tumelo ya bone kwa Modimong go kopa tshireletsego le pabalesego jaaka ba tsaya mesepele go leba kwa mafelong a a farologaneng. O ne a gwetlha bogolo jang bomme go tsaya malebela mo go ene ka gantsi e le bone ba ba tshabelelwang ke lehuma, go itirela e seng go baya morwalo otlhe fela mo pusong. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa palo ya bana ba sekole seo e le 604 mme ba le 414 e le ba ba nnang mo sekoleng, a kaya fa palo eo e le ntsi ka ebile matlo a boroko le one a tlhaela. Superintendent Mbengwa o bile a kopa dikgosi go ya kwa morafeng go ba bolelela ka maikaelelo a go tshwara thuto-puisanyo e. Setlhopha sa Letlapeng se tlaa tshwara moletlo wa phenyo Mme Sekhonzizo o supile fa Mme Toto a itse go tshwara sentle bareki le go tsisa dithoto ka nako. O supile gape fa dikai tsa mofuta o wa kgokgontsho di akaretsa dipolaano tsa banyalani kgotsa baratani, go raga le gone go kgarametsa tota. O kgadile dikakanyo tsa gore go tlatsa diforomo go thata, ka gantsi batho ba go nna jalo ba ise ba dire maiteko a go e dirisa. Bomme ba inaakanya le tiro ya diatla A re o ne a ya go ikuela kwa go ba sepodisi le ba lephata la diphologolo ba ba ileng ba bolaya noga eo, e e neng e bifile thata mo letsatsing le le latelang. Bogodu jwa leruo bo shakgaditse Salepito Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Moloi a re o ruta bana khomputara go simolola mo dingwageng tse tharo. O ne a akgola kokelwana ya Kubung a re e itshupa fa e setse e godile thata ka a re e kgona go amogela bana ba feta makgolo a matlhano ba dingwaga tse tlhano mme a re sebe sa phiri ke gore ba le boferabongwe mo go bone ba supile fa ba tlhaela dikotla. Bakwena ba amogela dikgakololo Rre Gaoforwe o buile mafoko a kwa ditshupong tse di neng di tshwaretswe mo Mahalapye ka fa tlase ga setlhogo se se reng kitso le botsipa ja ditsatlholego konokono ya go nyeletsa lehuma bosheng. Modulasetilo wa khansele potlana ya Tutume, Rre Phillip Makale o lebogile mokwaledi gammogo le modulasetilo wa khansele ya Legare go bo ba tsisitse morero mo go bone pele, a re seo ke tshwanelo e bile ke tlotlo go lemoga boleng jwa bone gore dikgang di simolole ka bone pele ga di ya kwa setshabeng. Mapodisi a kopa tirisanyo-mmogo Ba tlhalositse fa ba sena kwa ba lemang teng ba re le yone naga ya mafudiso e ngotlegile ka ntlha ya dipolasi tseo le moepo wa magala. Bosheng jaana mo kgaolong ya botlhophi ya Mmadinare, mo motsaneng wa Diloro dikhilomithara di ka nna masome a supa mo bokone jwa Palapye go ne go le boitumelo jo botona fa batsadi, baratubana le bana ba sekole ba ne ba itumelela maduo a lekwalo la bosupa. Mo nakong ya gompieno batho ba ba neng ba bona dikgobalo mo kotsing ya bese, mme ba roibaditswe mo kokelong ya Mahalapye ke ba robaditsweng mo kokelong ya Mahalapye ke basadi bale barataro ba bangwe ba bone ba robegileng maotlo. A re jaaka kereke maitlamo a yone e le go gakolola, go aga le go rerela setshaba lefoko la Modimo, ba itebagantse gape le go ngokela banana mo kerekeng ba eteletswe pele ke komiti ya banana. A re malwapa a tlhaktlhakane ka ntata ya borre ka jalo go tshwanela gore ba itshekatsheke ka bonosi ba bone gore seabe sa bone ke eng mo dilong tse di maswe tseo. Mme Ntshwabi o boletse fa go tshwenya go se bege dikgang tseo ka ko pheletsong batho ba felela ba itseetse molao mo diatleng, a re dipatlisiso di supa fa kgokgontsho e bonala thata mo go bomme le bana ba basetsana le baratani. Rre Ntheetsang a re ba bone go tshwanela go rutuntsha balemi ba babotlana ka tiriso le tlhokomelo ya ditshefi, ka puso e thusa balemi ka ditshefi tse di bolayang diji le mhero mo lenaneong la ISPAAD, mme go lebega ba sa ntse ba tlhaela kitso ka tiriso le tlhokomelo ya tsone. O ne a rotloetsa morafe go tswelela ka mowa o o wa tirisanyo mmogo a tlhalosa fa batla felela ba kgonne kgang e ya botlhoka tsebe mo motseng. O ne a tswelela a re ka ngwaga wa 2014 ka kgwedi ya Mopitloba ne ba simolola go epa motheo wa ntlo ba bo ba simolola go kopa dithuso momaphateng le Batswana ka kakaretso go tlatsa mo go se ba neng ba se tshwere kabomme ko kerekeng ba ne ba tlhaetse mme o lebogela go phutholola letsogo gaBatswana. A re ba batla gore ba kgobokanye madi a a ka lekanang go aga ntlo ya dikamore tse pedi, e ba e hirisang gore ba tsenye madi mo letloleng. A re bana ba Modimo ga ba ke ba dirisa madi botlhatswa fa ba a adimiwa ka jalo o dumela fa Modimo o tlaa ba etelela pele go sala mananeo a puso morago. Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Frans Van Der Westhuizen, a re o tshwenngwa ke seemo se se sa tokafaleng sa go salela morago ga go diragadiwa ga lenaneo la nyeletso lehuma kwa Kweneng. O ne a supa fa ba tlaa tsibogela kgang ya gore babereki mo dikomponeng ga ba abelwe kapari ya itshireletso ka jaana eo yone ba na le tetla ya go ka tsereganya kgang ya teng. Mothusa Tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Rre Moiseraele Goya, a re puso e lebogela seabe se kereke e nang le sone mo go tlhabololeng lefatshe leno. Mmamojewa o batla Ipelegeng Banni ba buile seo mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Ngaka Ngaka bosheng. Ba boletse gape fa dikgwebo di tla gola ka tsela e, e bile dipalamo tsa setshaba di tla etela metse ya bone ka tshosologo. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Thwane a tlhalosa fa thuto ya bana e tshwanetse go tsewa ka tlhoafalo ka gore bana ke bone bokamoso jwa lefatshe. Mme Ngwako a re go aga botsalano jo bontle fa gare ga batho ke selo se sentle ka jaana ba bopagana ka dinako tsotlhe go fitlhelela tse ba eletsang go di dira. A re seo se ka kgoreletsa dithuto. Le fa gontse jalo, Rre Ramaribana o ne a kopa batsadi go tshwaragana le barutabana ba dikolo gore ba rute bana Setswana ka gore bana ba dira sentle mo dithutong tsa sekgoa. O ne a re dinako dingwe diphologolo jaaka ditlou le dinare, di a tle di gotlhagotlhane le batsamaya ka dinao, mme ba patelesege gore ba di emele di phatlalale pele. A tlatsa ka go kgothatsa ba ba sa fenyang go tlhoka go kgobega mme ba ithute mo go ba bangwe le gone go dira ka dira ka natla mo nakong e e tlang gore le bone e tle e nne bafenyi. O rotloeditse borre go tlhokomela bomme, a re mme ke sethunya mo lwapeng o tshwanelwa ke go tshwarwa sentle. A re manweenwee ao, a tsenye ka lenga la seloko ka dithoto le madi a go iseng go tlhomamisiwe gore ke bokae. A re ditlhotlhomiso tsa mapodise di sa ntse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile ditiragalo tseo, a tlhalosa fa dikgang tsa go ikgapela botshelo di tshwenya fela thata. Balaodi ba tshwanetse go dirisana le dikomiti Rre Mzwinila o ne a tlhalosa fa kgang ya bone ya gore kgaolo ya Zone 7 e fetoge mo go nneng ‘red zone’ go nna ‘green zone’ e le mo tafoleng ka kopo e setse e isitswe kwa mafatsheng a Europe go kopa gore dikgaolo tseo di ka seke di letlelelwe go rekisa nama ya tsone kwa mafatsheng ao. O supile fa go ne go ka bo go le monate gore banana ba nne teng ka bontsi kwa letsatsing leo, gore e re kamoso ba rute bomonnaabone ngwao le meila ya yone. Kgosi Puso wa Batlokwa, yo o neng a le mo lekokong le le neng le patile Tautona, o boletse fa more mogolo go betlwa wa taola. Fa e sale bogwera bo ema, bana ba basimane ga ba rutiwe ka dikgang kgotsa ga ba bone dikgakololo tse di amang borre. O bile a ba rotloetsa go itoma molomo wa tlase go lema go gaisa ngogola. O tlhalositse fa dikereke di tletse gongwe le gongwe mme e bile di sa tlhole di tlwaelesegile ka se kereke e sa tlholegileng ka sone, mme jaanong batho ba dira ditiro fela tse di sa amogeleseng mo setshabeng. Le fa go ntse jalo, a re fa a fekeediwa ke go reka matlalo, o tswakanya kgwebo ka go sega mateisi le gone go kgabisa ditlhako ka letsela boemong jwa letlalo go itsa gore kgwebo e eme. A re lerato la Modimo ga le ke le fela a supa fa le kereke eo gore e dire modiro wa mofuta oo, e ne e gwetlhilwe ke lerato la Modimo. Letsatsi leo lene la natefisiwa ka mmino wa setswana le maboko, fa bomme ba matsosa ngwao bone bane ba supa tsamaiso ya patlo e dirwang ke bomme. Ke tshwenngwa ke gore jaanong go lebega go na le go itlhokomolosa tsamaiso ya ngwao, ka go lemoga le go tlotla mapolotiki, segolobogolo go na le setilo sa bogosi jo e leng jone bo okametseng bogolo jwa kgaolo, ga gakolola mokhanselara Segwagwa. Rre Nkunda a re balemi bangwe ba rekisa menontshane, go na le ba e dirise kwa masimong a bone jaaka go solofelwa. Mogolwane wa lephata, Rre Thabo Ogotseng o tlhalositse fa ba se na ofisi, ba dimile ofisi e le yone e sa ba lekanan. Mme Kesekang o kaile fa a thapile monana a le mongwe. Fa ba akgela mo phuthegong eo, banni ba supile fa maiteko a puso a go ba namola mo lehumeng a bonala ntswa ba lebanywe ke dikgwetlho dingwe tse di paledisang mananeo ao go dira ka thelelo. O boletse gore ka go sena fa bagwebi ba ba botlana ba ka kgobokanelang teng go rekisa mo Hukuntsi o ne a tshwanela go ipha botlhale mme a tlhophe lefelo le le fa bareki ba farakanang teng gore ba reke dithoto tsa gagwe fa ba tswa mo marekisetsong a magolo, go reka dijo kana diaparo. A re tshwetso e, e tserwe morago ga go ikuela ga barui fa dikgomo tsa bone di sule ka dipalo tse di kwa godimo ka mabaka a a farologaneng. Rre Tsogwane o tlhalositse gore tiro ya go abela ba ba seng lesego mo setshabeng e dirwa ke batho ba ba lorato e bile ba le kutlwelobotlhoko. Ka ngwaga wa 2014 baithuti ba dikole tsa Semolale le Busang kwa Tsetsebye ba ne ba fiwa paka fa ba se segolwane sa Tsetsebye ba ne ba abelwa ditlhako tsa sekole. Rre Mogobe o kopile kgosi Mere gore a nne boineelo mo tirong a bo a gwetlhe batho ka go ba kgatlha ka dikgato tsa gagwe tse dintle. Rre Goya o tsweletse ka go re kereke ke lefelo la tumelo, lefelo la kgomotso, ebile ke lefelo la tshidilo maikutlo. o tsweletse a re o leboga badirelapuso ka ba ba eme nokeng e bile ba ba rotloetsa go tsenelela dikgaisano le ditshupo. O kgadile batsadi ba ba romang bana kwa dipompong tsa metsi ka a bolela fa bana bao ba tshamekisa metsi. Seabe sa batsadi se itumedisa dikgosi Mogolwane wa lephata leo, Mme Tebogo Motlogelwa a re mo dikgwebong tseo, di supa di santse di dira sentle, tse tharo di ole fa di le pedi di santse di tla simolodisiwa. A re pele, ngwana o ne a isiwa kgakala le kwa ga bone mme a kopane le dingwao tsa merafe e sele, mme fa gongwe a palelwe ke go tshela sentle koo. O boletse gore o simolotse ka madi a tswang mo pateng ya gagwe, mme mo nakong ya gompieno a letile go bona dithuso tsa madi go tswa ko lephateng la banana gore a e atolose. O kopile balemi go tlhagola masimo a bone. A re batho boora Mongala ke batho ba ba sa itseng go seba fa ba ngongoregela sengwe ba a bua ba ntshetse kwa ntle. Mokgatlho o lwantsha kgokgontsho Mme Mpetsane o supile gore mo ditlhatlhobong tsa BGSCE, sekole se segolwane sa Masunga se ne sa fenya ka masome a mararo le boraro mo lekgolong, ka jalo sa bona maemo a bone mo lefatsheng leno lotlhe. A re majang le ditlhare di a bo di tlhogile e bile fa mariga a tsena di a omelela mme di oketse kgonagalo ya gore di she. Mo-na-le bogole o na le tshwanelo ya go rutwa se ngwana mongwe le mongwe a se rutwang, mme pharologanyo ya nna ka fa ba rutwang ka teng, ga tlhalosa Mme Ramaribana. Mme Danani Nfila yo o dingwaga tse di masome a mane le boferabobedi wa motse wa Ditladi o dirisa bokgoni jwa gagwe jwa go roka go intsha mo go ramatheka monna yo mosesane. A re thendara e setse e dule go shwafatsa sekole. O ne gape a bua fa a tlaa leka thata go bua le matona gore ba tle go ikutlwela dilelo tsa banni ba kgaolo ya gagwe. E rile a o ba baya pele, Rre Molelo a tlhalosa fa pego e ka balwa fa ngwaga o simologa le fa o ya fifing mme mo diphuthegong tse dingwe tsa khansele, modualsetilo o ka ba fa lefoko la kamogelo ba bo ba tsena mo dikgannyeng tsa metse ya bone. Fa ntsha la gagwe Sup Inspector Olebile Rakhobo wa sepodisi sa pharakano o ne a supa fa ba sepodisi ba gatisitse dikgang di le 125 tsa dikotsi tse mo go tsone go nnileng le dintsho di supa dikgobalo tse di masisi di le 24 le tse di potlana di le 40 mo kgaolong ya kgalagadi borwa go simologa ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha ka ya Sedimonthole e ya fifing. Mo potsolotsong le lekalana la dikgang, moithuti wa pele wa sekole se segolwane sa Shakawe, Rre Gaodirelwe Dineo, o tlhalositse fa ba sa dira sentle mo mophatong wa botlhano ngogola ka ba sa simolola sentle mophato wa ntlha go fitlha ka wa boraro. Motlhatlhelela dithuto yo mogolwane wa tsa boipelego kwa University of Botswana, Dr Kgosietsile Maripe o tlhalosetse fa lefatshe la Botswana e le boswa jwa Batswana. UCCSA e aba ntlo kwa Selebi Phikwe O tsweletse a bolela gore ba batla go abelana maele mo kgodisong ya ngwana, gore baitse mefuta ya kgodiso ya ngwana, seabe sa kereke mo kgodisong ya ngwana le gore ba boipelego ba ka thusa jang fa go na le bothata. A re gape le gone go rotloetsa baratani go nna mmogo ba sa nyalana. O boleletse ba lekalana la dikgang la BOPA mo potsolotsong gore ka letsatsi la dipopelelo le le tlaa dumelanwang ka Sontaga wa beke eno,batho ba kgotla ya Bokaa ba tlaa simolola mogwanto kwa kgotleng ya bone fa ba Phaleng le bone ba tlaa simolola mogwanto oo kwa kgotleng ya bone go ya go goroga kwa kgotleng kgolo ya Shoshong kwa ba tlaa neelang molaodi wa kgaolo ya legare Mme Thobo Mapitse lekwalo la dingongorego. Tshireletso o busetsa Mogotlho phetolo A re Kgosi Sechele 1 e ipela ka mophato wa Matsosa-ngwao o o tshwaraganeng le bone go tshegetsa le go ruta ka ditso le ngwao ya Bakwena. Mo go tse dingwe kgosi o ne gape a supa matshwenyego a banni bangwe ba ba tsweletseng ka go thapa batswakwa e se ka fa molaong le ntswa ba itse gore go dira jalo ke molato. Mme Nthabi o supile fa kgokgontsho e le mefuta mentsi mme e akaretsa kgokgontsho ya mmele, kgokgontsho ya tsa tlhakanelo dikobo, kgokgontsho ya tsa itsholelo le kgokgontsho ya tlhaloganyo le maikutlo. O buile a menne phatla gore ga go na go letlelelwa ope go tsena mo kgotleng a apere borokgwe gonne ga se setho. Molaodi o ne a re gantsi basadi ba tla kwa go bone ba gogomogile maikutlo mme ofisi ya gagwe e ba thusa ka go ba sidila maikutlo le go ba fa dikgakololo. A re puso e ikaelela gore e ngoke e bo e amogele babeeletsi go leka ka bojotlhe go tokafatsa seemo sa matshelo a Batswana ka kakaretso. Mme Lentswenyana le ene o kaile fa a itumeletse go abelwa ntlo mme a bolela fa a kopa Modimo go okeletsa ba ba mo duleng thuso. O boletse mo potsolotsong fa beng ba dipolase ba golola badiri ba bone go sena dingalo dipe go tla dithutong tse di atametswang kwa go bone di tshwana le tlhatlhobo ya mogare wa HIV, go itlhatlhobela malwetse a a farologaneng a tshwana le jwa madi a matona, sukiri le dipampiri tse di ntshiwang gore ba ipalele batle ba nne le kitso. Rre Mothomogolo a re bangwe ba ntse fela ba sena diteseletso ba ithaya ba re ke Batswana ka go bona ba ntse lebaka le le leele mo lefatsheng leno. A re fa ngwana a rurifatsa dipelaelo tsa motsadi ka go dumalana gore o a nwa, motsadi a bue le ene sentle a sa omane gore batle ba kgone go rarabolola mathata kwa ntleng ga go kgopisana. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Mmatseta, kgwedi eno e le lesome, Mopalamente Seretse a kopa morafe go amogela diphetogo tse di dirilweng ka motshine o o tlhophisang, a tlhalosa fa di le molemo e bile go se sepe se se ka bakang tlhobaelo. A re o ne a lemoga fa go roka mateisi le diaparo tsa manyalo go sena dipoelo tse di nametsang,mme ka jalo a simolola go roka paka ya dikole. Mme Ndebele o ne gape a tlhalosa fa go nowa ga bojalwa go amile maduo a sekole se sebotlana sa motse ka jaana bangwe banana e le bone batsadi ba bana bao mme ba sa kgatlhegele thuto ya bana ka jaana ba nna ba le mo sediding. Fa godimo ga leruo, ba Mogapi ba mo abetse setilo fa bodirela puso jone bo mo file sete ya dipene. O tsweletse a re ba ne ba simolola go kgobokanya madi e le komiti mme le kereke e ne ya thusana le bone. A re fa batsadi ba sa rotloetse bana go ithuta kwa malwapeng, bana ba ka retelelwa ke go dira sentle kwa dikoleng. A re seo se supa fa ba lemoga botlhokwa jwa botsogo jwa badiri ba bone. Mopalamente o ne a tlhalosa fa Kuke e le mongwe wa metse e e mo lenaneo la go gokelwa motlakase. O boletse fa a lekile go ruta le go tlhalosetsa barui ba bangwe mme ba palelwa ke go itirela. E rile a simolosa letsatsi la ngwao mongwe wa balemi-barui ba ba tumileng mo kgaolong ya Borolong, Rre Johannes Motshegare a tlhalosa fa go le botlhokwa gore Barolong ba supegetse lefatshe lotlhe gore ba goletse mo temong e le nngwe ya dikao tsa ngwao ya bone. Fa a bua kwa letsatsing leo, Bishop Michael Gaotloge o ne a supa fa kereke ya bone e sa le e simolodisiwa ka ngwaga wa 2000 mme maikaelelo a bone ke go thusa bagodi le setshaba ka kakaretso ka matlhoki a bone ka go farologana le ka lefoko la Modimo. O bile a re le fa ntswa puso e dira maiteko a magolo jaana, go sa ntse go na le dikgwetho tse ba tshwanetseng ba di lwantsha, mme ka maswabi go na le dipego tsa gore bangwe ga ba dirise madi a ba a filweng sentle, fa bangwe ba ba mo ditlhopheng ba simolola dintwa fela jaaka madi a tsena kwa bankeng. O ne a ngongorega ka go re batho ba ba kopileng mananeo a nyeletso lehuma ba sale ba letile. A re le fa go na le bangwe ba ba nang le mokgwa wa go ikgatholosa matshwao a a mo ditseleng, ba tlaa tswa ka ditsela tse di ka dirisiwang go supa tlhwatlhwa ya noka mo matshelong a bone. E rile a buisa phuthego ya kgotla mo motseng oo bosheng,molomaganyi wa tsa temo Rre Galeitsewe Ramokapane a tlhalosetsa banni fa puso etshwentswe ke masimo a a fetogileng naga, le ntswa lefatshe letlhaelelwa ke dijo. A re dithuso tsa lenaneo leo di akaretsa thuo ya dihutsane, dikoko tsa Setswana le dikgaka le a mangwe mananeo a tshwana le go phunyediwa didiba, mme a kaya fa motho a ka thusiwa ka lenaneo le fa a ne a sa akola la LIMID le a nyeletso lehuma ka jaana a tsamaelana. A re ntlo e, e thusa morafe ka go bapatsa dilwana tsa setso tsa kgaolo ya Kweneng mme e bile e ikemiseditse go thusa go tswakanya itsholelo mo kgaolong eo. A re puso e na lenaneo le e thusang balemi go agelela masimo a tlatsa ka go supa fa mo lenaneong leo, molemi a duela bontlha bongwe jwa madi a tereta fa puso yone e duela bontlha jo bongwe. A re kapei ke kgwebo e e mo kopanyang le batho ka go farologana, ka jalo e mo fa sebaka sa go itsalanya le batho. O lebogile puso ka seabe sa yone go mo thusa ka lenaneo la nyeletso lehuma, e bile o santse a na le keletso ya go ka thusiwa go itlatsa mo thutong e a setseng a e filwe. Bakwena ba rotloeditswe go tsaya boikarabelo jwa go tlhokomela matlotlo le ditso tsa bone ka go abela ntlo ya ditso didirisiwa tsa botlhokwa tsa setso le ngwao eseng fela go ikaega ka go di rekisa. Dipaka di fetile tse bana ba ka nnang ba le nosi batsadi ba le kwa ditoropong kgotsa kwa masimo, Rre Garebakwena a akgela. Dikgang tsa bong di ama botlhe Kgodiso ya bana e bokoa kwa Letlhakeng Botlhaba O kgothaditse balemi go lemolola gammogo le go jwala ka polantere gore ba kgone go tshwara bokgola ka bonako. Bobedi jo bo tlholega mo kgotlaneng ya Moatshe kwa Lerala. A re ba tshwentswe ke dikgang tsa bomme ba ba latlhegelwang ke matshelo ka dipalo tse di tsitsibanyang mmele di dirwa ke ba ba reng ba a ba rata. Fa a tswa la gagwe sebui sa tlotla mogolwane go tswa kwa madirelong a matlhabelo mo Lobatse Dr Boitumelo Mogome Maseko a bolela fa e le boitumelo go bo go ipelelwa letsatsi la boithaopi ka setlhogo se se reng my red cross story. Go ne ga tlhalosiwa fa dituelo di ka dirwa ka seatla, ka go diposita mo akhaonteng ya khansele kana ka go gogiwa mo dituelong tsa moikopedi, fela fa ele modirela puso, ba ba mo madirelo a a ikemetseng bone ba ka dirisa methale e mebedi fela wa banka kana letsogo. Mothusa mookamela lekgotla la BTU, Rre Gotlamang Oitsile o ne a kopa maloko go tla ka megopolo e e ka tlhabololang lekgotla mme a supa fa mananeo otlhe a a nankotsweng a diretswe go ba tokafaletsa matshelo. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Tsabong, Rre Ronald Baitsiwe a re maikaelelo a puso ke go isa ditirelo kwa setshabeng ka seo se ka ba thusa go nna le kitso le go tlhaloganya ka ditirelo le maitlamo a puso a a farologanyeng. Rre Monyatse Mbish ene a supile fa e sale ba tswa bogologolong ba kopa puso gore e agelele tsela e e ralalang kgaolo e tswa kwa molelwaneng wa Mamuno ka dikoloi di thula dikgomo. Fa a bua kwa moletlong wa tsamaya sentle wa baithuti ba lokwalo la bosupa bosheng, mogokgo wa sekole seo, Rre Kgaogano Pagiwa, a re tshwaragano le tirisano mmogo magareng ga bone le batsadi ke e e itumedisang segolo jang batsadi ba baithuti ba ba neng ba sa tswa go fetsa lokwalo lwa bosupa. A re mogopolo o mongwe ke gore puso e tsee maikarabelo mme etlhabolole ditshimo tse di sa lengweng e bo e dira tumalano le bagwebi ba temogo lema mme beng ba one ba boelwe ke bontlha bongwe jwa dipoelo. Mongwe wa bone ke Rre Domi Kgatlhang yo o ruileng dihutshane ka thuso ya lenaneo la Nyeletso Lehuma ka 2013. Mothusa kgosi kwa Peleng, Kgosi Modise Senyerelo, o kopile setshaba gore jaaka go tsenwa mo malatsing a boitapoloso a papolo ya Morena, ba tseye molaetsa wa ipabalelo tseleng mme ba o kgaogane le ba bangwe. O kaile fa malatsi a boitapoloso e le malatsi a ba masika le ditsala ba kopanang ka one go keteka malatsi a boitapoloso a botsalo jwa morena le ngwaga o mosha ba le mmogo ka jalo balwetse ba ba leng mo sepateleng bone ba sa bone sebaka seo mme ke sone se se neng sa ama boteng jwa dipelo tsa bone sa ba sa ba gwetlha go dira sengwe. A re ke ka yone nako e e ba tshwanetseng go supa maitlamo mo tirong ya bone gore ba tle ba kgone go fitlhelela tsotlhe tse ba di ikanetseng. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Letsholathebe Mme Kemoneilwe Majoko o rotloeditse dikole tse di senang metlobo ya dibuka go itirela lefelonyana le bana ba tlaa kgonang go nna le sebaka sa go ithuta go bala fa go lone. 'Ntshang leruo mo motseng' Mme Sisila o boletse fa lenaneo la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya leseeng (PMTCT) le supa maduo a kanamo ya mogare go ya leseeng e fokotsegile fela thata. A re e le bodiredi jwa Barclays ba ne ba ikopanya le ba sekole go ba tlhophela bana ba ba bonang e le bone ba ka thusiwang ka e se botlhe ba ba tlhokang. A re fa ngwana a dirile molato, batsadi ba mo lese a otlhaiwe ka fa molaong gore a tsene mo tseleng. A re o ntshitse botshelo jwa gagwe e le setlhabelo go bontshetsa bana ba Modimo ba ba iphitlhelang ba le mo makoeng go ba naya pholo mme a solofetsa balwetse ba ba neng ba phuthegile gore ba dumele fa Modimo a roma lefoko, ka jalo ba tlaa bona pholo. Kgosi o rile le ntswa batho ba Mahalapye ba tlwaetse go jela boipuso mo dikgotlaneng tsa bone, gompieno e le baeteledipele ba dumelane gore ditiro tsotlhe tsa boipuso di ya go tshwarelwa mo kgotleng kgolo gore mongwe le mongwe a kgone go itseela ka tsebe molaetsa wa ga Tautona a ba a bolela fa maikaelelo e le go tlhopha batho ba ba tswang mo dikgotlaneng tsotlhe tsa Mahalapye ba ba tlaa tsenngwang mo komiting ya boipuso. Le fa go ntse jalo Rre Kolojane o tlhalositse fa sexanana seka nowa moro ka jaana maungo a sone a jewa ke diruiwa le batho BOKHUTLO O kaile fa dikomiti di tshwana le tsa metsi le twantsho borukhutlhi di tshwanetse go tsosolosiwa go ritibatsa le go thusa go fokotsa matshwenyego mo dikgannyeng tse dikomiti di itebagantseng le tsone. Rre Baitsiwe o ne a supa fa maitlamo a puso e le go thusa setshaba ka ditirelo ka nako e e tshwanetseng le gone go rerisana ka matshwenyego a bone ka tsholofelo ya gore kwa bofelong ba kgone go tswa ka ditharabololo, dikgakololo le dikeletso tsa bone go tswa mo metseng e e farologanyeng ba tshwaragane le bogogi jwa metse jaaka dikgosi, komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC) le komiti ya bodirelapuso (VET). Rre Kgatlhang o kaile botlhokwa jwa gore ba ba thusitsweng ba abelwe dikitso tsa kgwebo gore ba kgone go itshokela dikgwetlho. Ba ne ba kaya fa go sena tsamaiso e e maleba kwa diofising tse di lebaneng le go ntsha mananeo a puso a tshwana le a LIMID le nyeletso lehuma, ba supa fa ditirelo di le bonya e bile go sena boammaruri ka bangwe ba sale ba kanokilwe ka 2014 mme le jaana ba ise ba bone thuso. Mo go tse dingwe, mokwaledi o tlhalositse fa nngwe ya maikaelelo a lephata la gagwe mo ditogamaano tsa go tokafatsa maduo tsa ngwaga wa 2015/2016, e le go rotloetsa tikologo e e siametseng babereki go berekelwa mo go yone. Setshaba se tlaa rutwa tsamaiso Bokaa o lela ka lenyora Kgosi Koitsiwe a re le fa batsadi ba kgaogane, seo ga se reye gore kgodiso ya ngwana e tshwanetse go sekamela golo go le gongwe kgotsa ya imela motsadi a le mongwe. Fa a amogela cheke eo, modulasetilo wa letlole la Nata Development Trust, Rre Kerileng Garebolele o ne a leboga botlhe ba ba neng ba ba eme nokeng le ba ba dirileng gore letsatsi leo le atlege. A re ditselana tshotlhe tse di tsenang mo motseng wa bone ditletse dithothobolo tsa matlakala mme selo ga se ba jese monate. Le fa go ntse jalo, Rre Boko o ne a supa fa dikgoberego tsa BMD di ama UDC mme boeteledipele jwa UDC bo tshepha fa di tlaa fela. O tlhalositse fa mafatshe a mangwe a sa iketla, mme a kopa Batswana gore ba itumelele kgololesego e ba e filweng ka Modimo, a bo a tlhalosa fa mebala ya folaga ya lefatshe leno e supa gore ba seka ba kgethololana ka letso le mmala. Mme Kenosi o tsweletse ka gore ba ne ba itshwaraganya le ba lephata la boipelego la Shoshong go ba thusa go batlisisa ba ba tlhokang thuso. O boletse fa keletso ele gore go nne le kwa ba tla a bonang dithuso teng, jalo a supa fa Maokatumo e tla nna lefelo la ditirelo go ba fokoletsa mosepele wa go ya Palapye. O supile gore fa ngwana a godisiwa ka tsela e e siameng, o ya go gola a itse molemo le bosula. A re o rotloetsa Batswana go ithuta Setswana gore ba kgone go utlwana fa ba buisana. Mo potsolotsong le BOPA, Kgosi Justice Madome wa kgotla ya ga Pitse kwa Bobonong o tlhalositse fa kgaolo ya Bobirwa e na le dithaba tse dintle, metsi a a elelang mo dinokeng ga mmogo le diphologolo di tshwana le ditlou,ditau, diphala le dikgokong tse di ka solegelang Botswana molemo. O boletse gore sekole ga se a tshwanela go letlelela ope go dirisa bojalwa le diritibatsi mme se tshwanetse gore se gagamatse molao kgatlhanong le tiriso ya tsone. Ba buile jalo, mo phuthegong ya kgotla bosheng. Kwa kokelwang a re bodiredi bo a tlhaela ka go na le baoki ba le babedi ba tiro e ba hupetsang mme ba kopa gore ba okelediwe bodiredi. Ke reetsa thata ka fa ba tlhalosang botaki le ditshwantso tsa bone ka teng mme ke kwatabolola mo go bone gore ke nne motaki yo o botoka, a tlhalosa jalo. Kgosi o ne gape a tlhagisa balemi fa ngwaga ono go gatelelwa thata gore go dirisiwe metlhale ya segompieno ya temo jaaka go lema ka ditselana ka go lemosegile gore fa e dirisiwa sentle e ntsha maduo a a nametsang fa e tshwantshanngwa le ya bogologolo. Kgosi wa Vaalhoek Kgosi Marea Bock o ngongoregile ka banana bangwe ba metse ya BORAVAST ba ba sa tlotleng kgotla ka go apara marokgwe fa ba ya kgotleng. O gatelela fa a kopa batho ba ba kwa Maun go se mo tlela mme ba kgona go tsaya nako ba ise ba se mo tsisetse. O kaile fa monongwga a lemile diekere di robabobedi, a tlhalosa fa a setse a rekisitse bontsi jwa mmidi wa gagwe o o metsi ka Hirikgong, mme mo gompieno a tsweletse ka go rekisa magapu, morogo wa dinawa le ntshe. Rre Moahi a re go lebega go sa nna le therisanyo e e maleba ka jaana go na le batho bangwe ba ba nosang loruo mo letamong le e bile go na le dikereke tse di kolobetsang mo go lone. O ba akgoletse go kgothatsa balemi go tsaya temo tsia gore ba ntshe thobo e ntsi go tswelela ba thusa ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. O supile fa ba itumelela gore ngwao e beilwe gore e etelelwe pele ke magosi. Ba rurifaditse fa e le boammaruri kgaolo ya bone e siametse thuo ya dihutshane jaaka dipodi mme fela ba supa fa ba tshwenngwa ke tiego ya melemo ya dihutshane morago ga go thusiwa ka mananeo a tshwana le LIMID le a nyeletso lehuma, selo se ba reng se baka gore ba latlhegelwe ke leruo ka bontsi. Banni ba Otse mo kgaolong ya Legare ba kgotlhaditswe go shafatsa manyalo a bone gore ba kgone go neelwa ditlankana tsa manyalo go supa fa ba nyalane kafa molaong. Mo maitekong a go tokafatsa tsamaiso ya go isa metsi kwa setshabeng, Rre Senai a re ka thuso ya dikhamphani ka go farologana, ba okeditse dikoloi tse di sielang setshaba metsi. O tsweletse a re o kopa Batswana gore ba tswelele ka mowaoo wa neelano le tirisano mmogo gore ditiro di kgone go dirwa go sena makgwereape. Rre Madome o kaile fa phane e, bangwe ba e rekisa.O supile gape fa setlhare sa mokolwane se se dirang ditlatlana, dipheelo ga mmogo le mebanki se atile thata mo kgaolong e. O rotloeditse batho go tlhaloganya gore lenyalo ga se metshameko. Rre Zibochwa o ne a tlhalosa fa go agwa le go abiwa ga dikago tseo e le sesupo sa ka fa sesole sa lefatshe leno se kgathalang ka matshelo a batho ka teng. Go ya ka mogolwane wa kompone eo Rre Bradley Hall,ba simolotse botsalano le batlhokomedi ba bana bao ka ngwaga wa 2012, mme ngwaga le ngwaga ba ba direla moletlo wa dijo ka malatsi a botsalo jwa Morena. Kgosi Telekelo o bile a kopa batsena phuthego gore ba seka ba bo ba ya WUC ba re ba ya go ikopela ditanka tse Choppies e di abileng, a re bogolo ba rome dikgosana tsa bone. Bishop Seane, yo o neng a etetse kereke eo a patilwe ke baruti le bosister ba kereke eo ka e ne e le letsatsi la Sabata, o ne a etelela pele tirelo ya tshipi ya letsatsi leo, go jesa selalelo, go segofatsa basupi ba tlhwatlhwa ba ga Keresete le gone go bula semmuso lefelo la Grotto. Ka jalo a re go itsetsepela ka lefoko la Modimo go ka dira pharologanyo mo diemong tsotlhe tse ba kopanang le tsone mo matshelong a bone e le setshaba. Go sa le foo kgosi o bile a supa fa tiriso ya bojalwa le yone e tshwenya. A re monongwaga thobo e nnile ntsi ka jalo moletlo o, e tla bo e le tsela nngwe ya go lebogela thobo eo. A re ba ne ba tswa ka mogopolo wa go direla bagodi pele a kaya fa ba gwetlhilwe ke go lemoga gore bontsi jwa nako bagodi ga ba ke ba tsewa tsia. Mme Motswetla o akgoletse Thapong Visual Art Centre go bo e tsweletse ka go supa ditshwantsho tsa gagwe tsa botaki, a tlatsa ka go re tiriso ya maranyane a facebook e mo thusitse gore a kgone go rekisa ditshwantsho tsa gagwe mo gae le ko mafatsheng a sele. Rre Habana a re seo se ba bontsha fa batho ba motse ba amogetse moono wa puso wa go ikabela dikole go di thusa. A re fa motho yo o nang le mogare, ke motho fela jaaka motho mongwe le mongwe fela yo o lwalang bolwetse jo bo sa alafesegeng mme a tshwanelwa ke go mo amogelwa le go neelwa tlotla. A re dinkgo tsa bone ba di tshuba ka dibi gore di butswe di iketile mme pheletsong di sa le di le thata. A re go kopanya baratani ka Re A Nyalana go ba tlhofofaleditse dilo gammogo le gone go itsa ditshenyegelo tse bontsi bo senang tsone. Monni yo o thusitsweng ka lenaneo leo, Rre Benjamin Ratsie o ne a leboga molaodi go ba fa pego ka lenaneo. Venson-Moitoi o itekodisa batlhophi A re nako e tsile ya gore borre ba simolole go kgalemelana fa ba bona ba bangwe ba sa dire sentle, a tlhosa fa go dira jalo go ka dibela leina la ga rre gore le seka la gogiwa mo seretseng. Baoki ba Okavango ba supa lerato O tlhalositse fa bogologolo mapodisi ba ne ba dirisiwa go tshosa batho mme mo nakong eno ba dirisana le batho ka ntlha ya gore borukutlhi bo diragala batho ba bo bona ka jalo go nna motlhofo fa e le bone ba bo begang nako e sale teng. . E re ntswa e le moithuti kwa BIUST a dira se se pharologanyo le botaki, a re maikaelelo ke go tsweledisa talente ya gagwe ya botaki. O tlhalositse fa ditsamaiso tsotlhe tsa go baya madi le melawana di tshwanetse go salwa morago, a tlatsa ka gore ka tshwanelo mongwe le mongwe yo o thusiwang o tshwanetse go nna le faele ya gagwe, mme fa motho a le mongwe a na le dikgang tse di fetang bongwe le difaele di tshwanetse tsa feta bongwe. Rre Kwelagobe o boletse fa kgaolo ya Nata/Gweta e itsege fa e le boremelelo jwa Domkrag ka jalo a kopa batho ba kgaolo eo go ikgata motlhala go baakanya fa go senyegileng teng. One a supa fa mmidi ele dijalo tsedi tlhokang metsi a mantsi mme fela dipula tsa kgaolo ee dile boutsana. A re, molemi o tshwanelwa gape ke go diga letlhaka fa a sena go roba ka le sala le e nwa metsi a a mo mmung e bile le e ja dikotla mo mmung mme balemi ka bontsi ga ba dire jalo. Mokwaledi wa khasele potlana e, Rre Rampootho Kedikilwe, o kgothaditse badiri ba khansele go tsaya dikgakololo le melawana ya ba botsogo ka tsoo pedi. Molao ga o sireletse ba ba nnang ba sa nyalana Nna ga ke a tsena sekole ke feletse ka lekwalo la bosupa, mme ka ke ne ke le motho yo o ratang kgwebo ka bona go le botoka go apaya dijo tsa setso ka e bile go se motlhofo go bona tiro, ga bua Mme Moupanaga. Ba ne ba kopa gore ba neelwe dikgang tse di amang lekgotla nako le nako, le gore go rurifadiwe go nna le seabe ga bone mo ditsamaisong tsa lekgotla. Mongwe wa banana ba ba inaakantseng le temo, Mme Kgalalelo Selagaboy wa masimo a Tsape kwa Takatokwane, a re fa temo e bapisiwa le mohama wa thuo e bogadi bo gaufi fela thata le fa go tsaya sebakanyana go ntsha dipoelo. O tlhalosistse fa maduo ao a 2017 a ABC, e ne e le 69.2 per cent mme gompieno e le 88.9 per cent. Mme Sethono o supile fa lephata la tsa kgwebo, le e fa bomme, banana, banalebogole seemo se se kgethegileng fa go tla mo dithekong tsa puso. Fa ele sengwe go ka twe yo ke ngwana wa toropo yo a kopenetseng fa re kopanetseng teng. Kgosi Puso a re dikgosi di lebaganwe ke kgwetlho e kgolo ya go aga setshaba se se popotla, se se itlotlang e bile e le setshaba se se tsayang karolo. Le fa go ntse jalo, tona o ne a ba solofetsa fa a tla isa matshwenyego a bone kwa go ba ba lebaneng. Kwa bofelong moemedi go tswa kwa ofising ya thuto mo Selebi Phikwe Rre Kenneth Mogapi o supile fa mo ngwageng bana ba basetsana ba tsaya malatsi a le masome matlhano ba sa ye sekoleng ka mabaka a a farologaneng mme gantsi e le one mabaka a letlhoko. Fa a bua ka lephata la gagwe, Rre Butale o tlhalositse fa e le lephata le le filweng boikarabelo jwa go rotloetsa go tlhongwa ga madirelo gammogo le go rotloetsa kabakanyo ya itsholelo gore lefatshe le seka la ikaega fela ka diteemane le ditswa mmung tse dingwe, a tlhalosa fa moepo wa kopore kwa Selebi Phikwe o ne wa tswalwa. Mopalamente wa kgaolo ya Thamaga-Kumakwane yo e bileng gape e le tona mo lephateng le lesha la khiro, pereko le tlhabololo dikitso Rre Tshenolo Mabeo a re banni ba kgaolo ya gagwe ba lebogetse gore kgaolo e tlaa direlwa ditsela di le pedi mo ngwageng ono wa madi ka lenaneo la go tsosolosa itsholelo (ESP). Rre Moribame o kopile batsadi go amogela dimpho tse ka lerato a supa fa ba na le boemedi jwa tlhwatlhwa jo bo kgonang go ba kopela dimpho. A re bangwe ba dirisa matlo a sekole ntswa le one a sa lekane. Motshwarelela mookamela mapodisi wa Werda Inspector Moarabeng Gaborone o tlhalositse mo potsolosong gore tiragalo e ba e begetswe ka Labone wa beke ee fetileng. Mokgatlho o rotloetsa borre go fetola maitshwaro Go etswe tlhoko gore go na le fa go sa gagamalang teng. A re ka jaana motse wa bone o lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditiro e e kwa godimo,o itumelela mananeo a tshwana le tirelo setshaba le Ipelegeng ka banni ba motse oo go akarediwa banana ba kgona go inosa metsi, mme a ikopela mo pusong gore ba okelediwe dipalo tsa badiri ba Ipelegeng. Rre Pheto a re setlhogo sa letsatsi leo se sereng ngwao yame ,boipelo jwame,setla dira gore baithuti banne le kitso e tseneletseng le go bua puo ya bone ba gololesegile . Banni Ba Lecheng ba akgoletse puso mananeo a a tokafaditseng matshelo a bone, segolo jang la dipilisi tsa diritibatsi, thibelo mogare go tswa kwa go mmangwana go fetela kwa leseeng gammogo le go nna le ngaka le baoki ba pelegiso. Kgosi Mosinyi a re o lemogile fa tlhaelo e ya metsi e dirwa ke gore motse oo o godile mo e bileng jaanong dibeelo tsa metsi tse di sa bolong go dirwa bogologolo di sa tlhole di lekana go nosa banni ba motse wa gagwe. A re o tshwenngwa ke dipalamo tsa setshaba tse di tsayang bana ba dikole ka diletso tse di lelelang kwa godimo le go pega bana ba ba fetileng palo. Batho ba kgaolo eo ba ne ba lela ka lenyora le ba reng le tsere phekelo e sele, ba ba tlatsa ka gore ga ba bee kompone ya Water Utilities Corporation sebete, mme ba kopa gore go busediwe lephata la metsi. Rre Taukobong o boletse gore kgang e nngwe e e tshwentseng puso ke ya tshenyetso setshaba. Rre Mogapi a re lenaneo la twantsho lehuma le tsweletse sentle mo kgaolong mo ditirong tse di farologaneng. Fa a latlhela la gagwe, kgosana ya Goo Molehele Rre Basenyegi Toteng o supile fa go na le tlhaelo ya matlwana a borutelo kwa sekoleng se se botlana sa motse oo. Bana sekole sa ithutelo tsa booki ba abetse kokelwana ya Zoroga ntlwana ya matlakala. Le fa go ntse jalo, o ne a kopa maitshwarelo ka seo mme a kopa gape gore a fiwe nako go batlisisa bonnete jwa kgang eo, a tshepisa fa a tla dira sengwe le sengwe se a ka se kgonang go netefatsa gore batho ba bona thuso ka nako. Mothusa tona wa merero ya tsa dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse o buseditse Kgosi Vincent Phologo wa Makopong mo setilong sa bogosi go diragatsa katlholo ya kgotla kgolo ya ditsheko e e duleng ka Hirikgong 31. Gape o ile a tswelela a akgola barutabana le komiti ya batsadi le barutabana ba sekole seo go tla ka mogopolo wa go aga ntlo lehala hala, selo se a boletseng se tlaa tsisa pharologanyo mo dikoleng tse dingwe ka e bile dikole ka bontsi di sena nayo. O boletse fa tiro eo e nnile malatsi a mararo fela gape e ne e sa tsaya nako go rulaganyediwa, ka e ne e le ya tshoganetso mme maduo a ne a bonala. Mmueledi wa molao yo o ikemetseng, Rre Mmoloki Mogobe a re gore kgosana e kgone dikgang e tshwanetse ya bo e le motho yo o itshephang, a na le boikanyego le boikobo mo morafeng o a o eteletseng pele. A re se se ka thusa moepo oo go lwantsha bogodu jwa diteemane motlhofo. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Garethata a re ngwaga le ngwaga o lema ka pula ya ntlha, mme a kaya fa a sa leme tshimo yotlhe ka nako e le nngwe. A re maikaelelo a mokgatlho ke go bona ba-na-le-bogole ba sireletsegile, ba akola ditirelo tsotlhe tse di akolwang ke mongwe le mongwe e bile le ditshwanelo tsa bone di sa gatakiwe ka dinao. O tlhalositse fa mme yoo a kgona go bua le bone ka maranyane a facebook le internet mme ba nna ba mo solofetsa gore e mo tseleng morago ga nako ba fetola kgang ba bua di sele. O tlhalositse fa e rile ka 2011 ba rola kgaisano ya sejana semmuso, maikemisetso e le go se abela sekolo se se tlaa itlhomang kwa pele morago ga dingwaga tse tharo. E ne e rile go le pele, Kgosi Medupe a bolela fa maikaelelo a go bitsa phuthego eo e le go tla go abelana megopolo le batsadi ka methale e e ka dirisiwang go rarabolola dikgang tsa go latlhelwa ga masea mo mantlwaneng a boitiketso. Kgosi Hatshejotlhe Phologo-Seitsang wa Makopong o tlhokafetse kgwedi eno e le masome a mabedi morago ga go lwala ka lobaka. A re fa batho ba nyalane ka fa molaong ba neelwa thuto e e tseneletseng ya malwapa mme seo se tile dikgang tsa dikiteo. Rre Ramosesane a re o ne a lebisa ba lephata la ditsela mo khanseleng seemo sa gagwe mme ba supa fa ba se na tetla ya go tsaya mmu oo, go o dirisa go mo thusa. Le fa gontse jalo, modulasetilo wa VDC Mme Olebile Keoitsi, o boletse fa ba tsweletse le ditiro tsa Ipelegeng mme sebe sa phiri ele gore banni ba motse ga ba na seabe mo go phefatsang metse ya bone le masaka a leruo mo motseng. Ka nako eo gape bangwe Batswana le batho basweu ba ba neng ba tla le seporo ba ne ba aga mabenkele le diotele ka bo 1955, ke gone Palapye a neng a simologa go tlhabologa, batho ba fetolela lefelo leo go nna motse go tswa mo merakeng. O tlhalositse fa go ne go tlhokega gore yo o robegileng a isiwe kwa ntle ga motse, go tlhophiwe fa go leng molatswana teng, kwa a tlaa tlhabelwang thobega teng. Erile a bua kwa motshamekong wa makgaolakgang wa kgwele ya dinao wa lekgotla la borre la Men Sector ka Labotlhano, mothusa molaodi Mme Peggy Kutlase a ikuela mo go borre go fokotsa malwetse a tlhakaneleo dikobo ka go fokotsa palo ya baratani. A re letsatsi le, le itebagantse le go rotloetsa bana ba basetsana ba ba santseng ba le kwa dikoleng go tswelela ka dithuto tsa maranyane go fitlhelela ditoro tsa bone. A re e tlaa re morago batswakwabao ba sena go atlega, ba tsere mananeo a a ntsheditsweng Batswana ke puso,e boe le gone ba simololang go bua ka fa batho ba go nna jalo e seng Batswana ebile ba kgala puso ba re ga e tsamaise dilo sentle ba lebala gore ke bone bafileng motswakwa wa go nna jalo sebaka seo ka go supa fa e le Motswana. Makhanselera a ne a atla mogopolo oo mme a supa fa a tlaa o latedisa gore le bone ba dire jalo. A re go botlhokwa go lemoga fa maiteko a puso a tsweletse go leka go nonotsha bomme mo mebarakeng. Mme Mbaiwa o boletse fa ba ba etela eseng go ba botsolosa dipotso fela, gape le go ba lemela ditlhare ma maungo le meriti. Kgosi Bimbo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa go na le seemo se o ka fitlhelang batsadi ba banyalani ba ne ba sa nyalana kana go ntsha magadi fa ba tsena mo nyalong mme se se bake ketsaetsogo mo dinyalong tsa bana. Mme Tshireletso a re bangwe ga ba bolo go eletsa go nna selo sele sengwe, mme ba patikwa ke itsholelo. Kopo e e dirilwe ke modulaseilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolwana ya BOXHOMO, Rre Orelebile Baatweng mo phuthegong e e neng e buisiwa ke bagolwane ba khamphani e e thapilweng ke puso go gokela diphaephe tsa metsi mo Mahalapye. O tlhalositse fa ba itemogetse gore go thujwa matlo go batlwa dithoto tse di tshwanang le dithelebishini tse di sepapetla ga mmogo le go kgaolwa ga megala ya motlakase ya kopore. Mo tshekong e nngwe, Rre Tiragalo Seema wa dingwaga tse di masome a mabedi le boferabobedi o ne a lebisiwa molato wa kiteo e potlana. E re ka Setswana se re moroto wa esi ga o ele, a bo a kile a bua nnete fa a lebile Mme Malebogo Boingotlo le setlhopha sa gagwe sa bomme ba kgotla ya Thomadithotse mo Mahalapye. One a digela ka go kopa batsadi go tlhokomela bana ba bone, ba tshwanetse go itse gore bana ba kae ka dinako tsotlhe, gore a bana ba jele, le gone go rurifatsa gore ba ile sekolong le gore a ba boile ko sekolong. O gakolotse banni go leba leba ngwana mongwe wa bone yo ba ka mo romang go nna kgosi, ba tsise leina la gagwe ko go ene Kgosi Segotsi, yo ene a tlaa le isang ko go Kgosi Kgamane go le tlhomamisa. Balemi - barui ba masimo le meraka e e mo tikologong ya moepo wa Karowe ba gakolotswe go nna le seabe mo ipabalelo tseleng. O tlhalositse fa banana ba tshwanetse go tsaya maikarabelo a go ka fetola matshelo a bone ka go dirisa sebaka se puso e se ba fileng go ka dirisa mananeo. O tswelela a bua gore go apaya jaana ga se tiro e e motlhofo ka jaana go le thata go bona dikgong. O ne a gakolola ba ga bone gore ba ye letsemeng ka e le yone nako e e siameng. Ntswa sekole seo se le sebotlana, maduo a sone a a kgatlhisa, selo se ba se kgontshiwang ke tshwaragano ya batsadi le barutabana. A re mme ba Ramatea e ne e le bone ba ba dirisang setsha se se ntsi fa ba Bathoen bone ba dirisa sekgethenyana fela. Rre Bogosi o boletse gore lenaneo le, le aname le dikgaolo le dikgaolwana ka maikaelelo a go ntsha banana mo mekgwatheng, go ba itsa go nwa majalwa, go dirisa ditagi le go nna dinalanyana. Kgosana wa kgaolwana ya Wenela, Mme Elizabeth Sekeseke ene o ne a kopa morafe go ya go ikwadisetsa ditlhopho mo poeletsong e e tsweletseng gore ba kgone go tla go itlhophela moemedi yo ba mmatlang. A re ba le bararo fela ke bone ba kgonneng go atlega, mme se e le tshwanelo ya go ba rotloetsa le go ba ilela. Rre Ramogapi a re ditiro tseo ,di fetotse seemo sa matshelo mo go bao ba ba di abetsweng le ba malwapa a bone. Fa a buisa diphuthego mo kgaolong ya gagwe, mopalamente Makgalemele o kopile morafe gore o agelela masimo, mme a rotloetsa ba diterekere go di baakanya gore di nne mo seemong se se siameng go ka lemela Batswana. Tona wa Ditsha le Matlo, Rre Prince Maele o galaleditse babereki ba lephata la matimela mo kgaolong ya legare go bo ba le seopo sengwe ebile ba sa ipone tsapa ka tirisanyo mmogo e ba e dirang ya go fa ba ba senang bonno seriti sa bonno. Mme Ngwako o boletse fa majwe a boleng jo bo kwa godimo a rekwa masome a mathano a dipula kgotsa e le nngwe, fa a boleng jo bo kwa tlase a rekwa ka masome a mararo le bothano kanti ele nngwe go ya ka mofuta wa majwe a. Central Police Station Superintendent Lebalang Maniki a re ba tshegeditse lekawana lengwe la dingwaga tse di magare le le neng la tsenelela lelwapa lengwe ga mmogo le kampa nngwe ya puso kwa Francistown ka Laboraro ka maikaelelo a go utswa ka dikgoka. O ne gape a supa fa ntlwana ya boitiketso e tsisa seriti mo botshelong jwa motho a tswelela a akgola bao ba ba ileng ba bona gole botlhokwa go dira tiro ya go aga matlwana a. Mongwe wa bana bao, Tumelo Kenosi, yo o dirang lekwalo la bosupa, o kaile fa batsadi ba sa ba rotloetse go rata tiro ya sekolo. Mothusa Tona wa Lephata la Papadi le Madirelo, Rre Sadique Kebonang, a re o tshwenngwa ke gore batho ga ba dirise mananeo a a mo lephateng leo. A re banni ba motse ba ne ba kopile go direlwa megotlha e mebedi le letamo. O ne a bolela fa ka madi ao ba tlaa tlhabolola metse e mene e e okametseng lefelo leo. A re go mo go bone go tswa ka mananeo a e ka reng ba tlogetse tiro jaana a ba tokafaletsa matshelo, a re ba leka go tla ka methale e ba ka buisanang le puso ka yone go lemoga botlhokwa jwa barutabana ba ba tlogetseng ditiro fela jaaka go dirwa mo makalaneng a mangwe. Ditshefi di tlhoka pabalesego O boletse fa kgokgontsho gape e ama maduo a bana mo dikolong ga mmogo le a bagolo mo ditirong. Kgosi wa Bere mo kgaolong ya Ghanzi, Rre Kebonye Mangongorego o tlhokafetse morago ga go tsenwa ke bolwetsI mo sebakeng se se khutshwane. Batsadi ba bana ba bone ba dirang lekwalo la ntlha go fitlha ka la bone kwa sekoleng se sebotlana sa Mantshwabisi ba kopilwe go tshwaraganela bana le barutabana. Dipula tsa matsorotsoro tsa bosheng kwa Bokone Botlhaba di sentse malwapa a le masome mararo le borataro. O supile fa ditlhopho tsa komiti ya VDC di tshwanetse go tshwarelwa kwa kgotleng, e bile go direlwa mo pontsheng, di bopilwe ka maloko a a akaretsang dikgotlana tsotlhe mo motseng. A re bodiredi jwa puso bo tshwanetse go thusa setshaba ka botho le matsetseleko ka nako tsotlhe le gone go isa ditirelo le ditlamelo tsa maemo a ntlha, ba setse morago maitlamo a puso a 10 Point Agenda. Rre Molebatsi a re go tswa goo-Lowe, Batswana ba ne ba ngongoregela katlholo ya P50 fa motho a iteile kgotsa a tlhapaditse yo mongwe, mme se le sone se fetogile go duelwa P5 000 fa motho a bonwe molato. O ne a supa fa bontsi ja batsadi, ba ne ba ntse ba sa tsene diphuthego, mme a re go tla ka dipalo tse di kalo jaanong go supa tlhwaafalo. A re dikgosi ke tsone tse di ka di gogang kwa pele mo go bopeng tshaba ka jaana fa kgosi e buwa e a reediwa. O supa gore o bonye thuso ya go tsweledisa dithuto kwa Ramotswa kwa go nang le barutabana ba ba rutetsweng go ruta ba-tlhoka kutlo. A re puso e ne ya oketsa ditlhwatlhwa tsa bojalwa ga ba ga fokodiwa dinako tsa thekiso ya bojalwa, mme tse go neng go itebagantswe le tsone di tshwana le botsogo jwa motho le tsone dikotsi tsa dikoloi go bonala di santse di tsweletse. Rraboipelego yo mogolwane kwa Takatokwane, Rre Gerald Mahumba o supile fa ba tla leka ka bojotlhe go rulaganya malatsi a tshwana le la mmaraka,go isa ditlamelo kwa setshabeng le go tshwara diphuthego tsa kgotla go leka go amogana le setshaba thuto ka ditlamelo le dithuso tse ba ka di fitlhelang mo diofising tsa bone. Fa a ama ditiro tse di dirwang ka lenaneo la go tsosolosa itsholelo la ESP a re go baakanya matlo a bonno ja barutabana, dikago tsa borutelole motlakase le tsone di tsweletse sentle kwa dikoleng tse dikgolwane tsa Mosetlha le Tsetsebye. Rre Leshope o buile mafoko a mo segopotsong sa malatsi a a lesome le borataro a go lwantsha kgokgontsho kgatlhanong le bomme le bana kwa motseng wa Monong. Tlhokomelo e a reketla Mme Balefile Alone, ke moranodi wa puo ya Sesarwa yo o tswang kgakala a dira tiro ya go ranolela morafe wa Basarwa ba ba sa kgoneng go itlhalosa ka puo ya Setswana mo ditshekong tse di farologaneng kwa lekgotleng la ditsheko. O kopile gore go bewe terekere mo motseng mongwe le mongwe gore balemi botlhe ba kgone go lemelwa ka nako.BOKHUTLO Botsalano bo ka tokafatsa ditirelo Mme Mokgweetsi a re ba itlamile gore ngwaga le ngwaga ba kopane le balemi-barui ba buisane ka ipabalelo tseleng. Mo polotsolotsong le O kaya fa ka nako eo a ne a rata go tshameka ka dipensele le metako mme seo sa aga lerato la botaki mo pelong ya gagwe. O buile se fa a kopane le bagolwane ba thuto kwa Ghanzi bosheng. Rre Kgosietsile o supile fa komiti ya ditlhabololo e setse e kgonne go gokela metsi le motlakase mo matlong mangwe mo kgaolong eo. Fa ema ka a gagwe maitlamo, ntlhopheng wa mokhanselara wa kgaolo ya Moletemane, Rre Johannes Gaosikelwe a re o tla itebaganya le dikgang tsa katoloso ya kokelwana ya Moletemane gore e nne le lekalana la pelegi, le gore a bo e ka bulwa letsatsi lotlhe. Mokwaledi mogolo wa khansele- potlana ya Tsabong, Rre Jimmy Mackenzie o tlhalositse tiro kgolo ya VDC le VET. Kgosi Keipone o boletse mo potsolotsong gore lefa batsadi ba motse wa gagwe bana le dingwaga ba ntse ba nna mmogo e bile ba tshotse bana mmogo le go nna le malwapa e bile bangwe ba bone ba ntshitse magadi, se be sa phiri ke gore batho ba motse wa gagwe ga bana ditlankana tsa manyalo go rurufatsa fa ba nyalane kafa molaong. Ba re e le khansele maitlamo magolo a bone ke go tlhabolola matshelo a banni e seng go ba okeletsa lehuma le kutlobotlhoko. O kgothaditse mongwe le mongwe yo o itemogang a le mo botlhoking go inaakanye le mananeo a puso mme a tlhophe se a itseng a se kgona e bile a se rata go intsha mo lehumeng. BOKHUTLO Nkgo a re e ne e diriswa ka methale e le mentsi, jaaka go baya metsi, go baya bojalwa, go apeela dijo le go baya dijo tse di apeilweng le tse di sa apewang. A re ere ntswa moepo wa Jwaneng, le yone Debswana ka kakaretso, di itlamile go rutuntsha setshaba ka mananeo a tshwana le bo DCAT, go botlhokwa gore batsayakarolo ba bangwe ba tsenye letsogo. Le fa gontse jalo Rre Kedisang a re o na le dikgwetlho tsa go tlhoka lefelo le le siametseng thuo ya dinotshi ka jaana mo nakong eno a ruetse mo gae. O ne a tlhalosa fa e rile ka ngwaga wa 2010 fa puso esimolodisa lenaneo la gore maphata a puso a thuse fa ba bonang go na leletlhoko teng lephata la gagwe la tsaya tshwetso ya go aga leobo la kgotla kwamotseng wa Manaledi. O ne a kopa banni go amogela kgosi ya bone, go mo fa tlotla le go dirisanya le ene sentle. Mothusa molaodi o leboga thata ba Men Sector ka tiro e ntle e ba e dirileng mo kgaolong ya kgalagadi ka ba segile tema mme a kopa mongwe le mongwe le setshaba kakaretso go ema ka dinao ka go tsaya boikarabelo ka seo se ka tlisa phetogo mo matshelong a bone ka go nna le botsogo jo bo siameng. Fa a supa dikotsi tsa dikoloi, o ne a bolela fa mo ngawgeng o o fetileng otlhe, dikotsi di nnile 44 mme gompieno ba setse ba kwadisitse di le lesome. Malope o kopa makhanselara go tsena diphuthego Rre Masole o tlhalositse gore fa kgomo e thudilwe ke koloi mong wa yone o tseelwa dikgato a bo a duela mong wa koloi ditsheyegelo tsa go e baakanya. A re mo malatsing ano go a kgonegaa gore le dikgomo tsa mafulo a a kopanetsweng kana a a sa agelelwang nama ya tsone e ka goroga kwa mmarakeng wa mafatshe a Yuropa fa morui a dirile se se tlhokwang ke lekgotla leo. Mme Moloi o tsweletse ka gore o bapatsa kgwebo ka metlhale e e farologanyeng, a re o fa batho mo motseng dipampitshana tsa go supa se kompone e se dirang. Lephata la boipelego kwa Bobonong le kopane le komiti ya ditlhabololo tsa motse bosheng go rola pego ka fa komiti e ntseng e dira ditiro tsa motse ka teng. O boletse fa ba berekela mo legoeleleng ka ba sena madi mme a solofela fa kemonokeng ya barotloetsi ka tsotlhe tse ba nang le tsone e ka thusa fela thata. Ba ne gape ba re batsadi ba tsee boikarabelo jwa go laola dinako tsa go lebelela ditshwantsho tsa motshikhinyego ga bana, gore ba dirise nako e ntsi mo tirong ya sekole. Mopalamente o ba kopile gape go itshwarele ba ba ba foseditseng gore Modimo le ene a tle a ba itshwarele, a bo a ba kopa gape go lebogela Modimo dipula tse di neleng monongwaga. Ka jalo o kopile lekgotla go ela tlhoko mokwalo o o ikanetsweng o o roletsweng lekgotla ke motlhotlhomisi wa tsheko Sub Ispector Thabo Moje, go tlhalosa mabaka a a ka kgoreletsang go leta tsheko kwa ntle ga ga mosekisiwa Zulu ka a santse a lebanywe ke dikgang tse di fa pele ga makgotla a ditsheko. Tona wa dtsha le matlo RrePrince Maele o ne a lebogela lephata la banana, metshameko le ngwao tiro ekgolo e ba e diretseng motse wa Manaledi a bolela fa ba sa itumedisa motse oofela mme ba itumedisitse kgaolo ya Lerala/Maunatlala ka bophara. O ne a kopa batsadi ba bana ba ba tsenang kwa sekoleng sa gagwe go tshwaraganela le barutabana tiro e tona ya go ba tsenya mo tseleng. Kompone Servest e thapholotse letsogo Bogadi bo fa lenyalo seriti A re fa ngwaga o ya bokhutlong jaana, dilalome ke gone fa di ipapanang teng go tshwarela batho mo mekgwatheng ka ba itse fa ba tsamaya ba tshwere madi a mantsi go rekela ditsala le ba masika dimpho tsa matsalo a morena le ngwaga o mosha. A re boitseme jwa go etela sekolo bo tshwanetse jwa kgala mme batsadi ba dire se se tshwanetseng ka go dira mmogo le barutabana go ntsha maduo a a nametsang. O rile le fa go ne go se motlhofo go ikapela dinotshe kwa pheletsong o ne a di bona mme a di tsenya mo lebokosong a di tsenyetsa sukuri. Mopalamemnte wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse, ene o ne a leboga maloko a BDP aa supileng boineelo mo phathing ka nako ya fa go le thata. O ne a gwetlha bomme ba bangwe go ema ka dinao go na le go ikaega ka borre. O ne a bo a gakolola ba Bokone Botlhaba go loma molomo wa tlase, ba gagamatsa setoropo mo dintlheng tse dingwe, tse ba ka tswang ba butse phatlha mo go tsone, go netefatsa gore ba tsaya maemo a ntlha mo ngwageng o o tlang. Motshwarelela bogosi jwa Bakgatla, Kgosi Bana Sekai a re magosi a Botswana ka kakaretso ba tshwentswe ke dikgang tsa bogosi. Mo go tse dingwe, mopalamente o ne a supa fa molao o o neng o fetisitswe wa go tlhopha ka mochine o o tlhophisang wa EVM o seegetswe fa thoko, ka jalo ditlhopho tsa mono ngwaga di tlaa tsamaisiwa ka fa di ntseng di dirwa ka teng gale le gale. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Bosinah Moetlo le ene o ne a kopa tautona gore a ba tswe thuso ka jaana ba filwe setsha mo Matshabe Game Park gore ba age dikago tsa ditso (cultural village) mme ga bana madi le ditsompelo tsa go simolola dikago tseo. A re ka ntlha ya dikotsi tse di gapang matshelo a batho kgwedi le kgwedi mo lefatsheng leno, puso e ne ya simolodisa dikomiti tsa ipabalelo tseleng go ruta setshaba ka ditsela tse di ka dirisiwang go hema dikotsi tsa tsela di tshwana le go emisa go fudusetsa loruo mo ditseleng, go emisa go kgweetsa batho ba itontetse dino le go kgweetsa batho ba sena ditlankana. A re go dira jalo go tsenya letseno le le botoka ka a kgona go dirisa ditlhare di le dingwe gantsi, a di boeletsa go tswa fela mo go reng dikeletso tsa baba di tlhokang ke dife. Mme Moupanaga a re botsipa jwa go apaya o bo ithutile nako e a neng a apaya dijo kwa maemelong a dibese kwa Gaborone dingwaga tse di masome mabedi le bobedi tse di fetileng pele ga a tlogela. Thato Cave ke moithuti wa lekwalo la ntlha kwa sekoleng seo, mme o ne a natefisa letsatsi leo ka leboko le a neng a le dira ka bokgabane jo bogolo mme seo sa pateletsa Rre Thamane go tswa ka tshwetso ya go lemoga bokgoni jwa gagwe. A re o apaya dijo tsa setso ebong; bogobe jwa lerotse, koko ya Setswana, morogo wa Setswana le tse dingwe. Kereke ya Spirit Embassy e abetse baithuti ba sekole se segolwane sa Shanganani kwa Tsamaya dikobo, melora, mesangwana ya bomme le tse dingwe, morago ga go amiwa ke molelo o o neng wa senya matlo a basetsana a borobalo Mopitlo a tlhola lesome le bobedi. Kgosi Malope o bolotsa letsema Dr Seretse Khama Ian Khama o diritse lefatshe leno ka bokgeleke a santse a le mmotlana go fitlhelela gompieno, a tlatsa ka go re keletso ya gagwe ke gore ba mo laele ka tsela e e faphegileng. Rre Motlaleng o buile se kwamoletlong wa go ipelela phepafatso ya tikologo ya metse ya kgaolo ya Boteti o oneng o rulagantswe ke khansele-potlana ya Boteti kwa Mmatshumo bosheng, otlhalositse fa tikologo e tlhokwa go somarelwa ke mongwe le mongwe ka dinakotsotlhe gore e seka ya latlhegelwa ke boleng. O tlhalositse fa go le botlhokwa go lemoga botlhoki jwa batho botlhe ka go lekalekana, gore go nne le tshephano, boammaruri le go dira mmogo go sena kgethololo ka seo e le konokono ya setho. Rre Garegope o buile se fa a buisa babereki kwa Tutume bosheng. Fa a bala dipalo, Rre Mokumakwa o boletse fa dipego tsa go thuba mo matlong di nnile 32 ka ngwaga otlhe wa 2014 mme mo nakong eno go simolola ka January di setse di le 6. O tlhalositse mo potsolotsong le BOPA gore ba lemogile fa go na le bagwebi bangwe ba ba dirisanang le magodu a leruo. Phuthego ya khansele ya kgaolo ya Bokone Botlhaba e amogetse mogopolo wa mokhanselara wa kgaolwana ya Gulubane, Rre Dikitso Mandevu, wa go kopa puso go atswa maloko a dikomiti tsa batsadi le barutabana. Le fa ntswa puso e leka go inola banana ba lefatshe leno mo manokonokong a letlhoko la ditiro, bangwe ba itshetse moriti o tsididi fela mme bangwe jaaka Rre Keene Puku wa dingwaga tse di masome a mabedi le botlhanoba inaakantse le mananeo ao. Rre Batshu a re mo dingwageng tse di masome matlhano le boraro, phathi eo e busa, puso e kgonne go tokafatsa seemo sa botsogo, thuto le ditlhabololo ka go farologana mo lefatsheng. A re ba tshwenyegile thata ka go golela pele ga dipalo tsa banana ba ba ikgapelang matshelo le dipolaano tsa marato kwa motseng wa Takatokwane. Mo potsolosong, Kgosi Lekgothu o kaile fa lenaneo la Re a Nyalana le le botlhokwa fela thata ebile le le motlhofo go netefatsa gore batho ba a nyalana ebile batho ba ba nang le keletso ya go nyalana ka lenaneo leo ga ba tseye lebaka go nyalana O tsweletse a kaya fa go le botlhokwa gore baratani ba ba saleng ba nna mmogo ba sa nyalana ebile ele bagolo ba le dirise gore ba felele ba nyalane. Rre Bengane o ne a solofetsa fa monongwaga ba itlamile go dira go feta ngogola le gone go leka go wela mo seelong se ba se segetsweng ke ba thuto. Tiro e ya go bopa dinkgo re e kgona ka bopelotelele le talente ya go bopa dinkgo tse di kgatlhang e bile di na le boleng ga bua Mme Samakha. O tsweletse a supa gore o kgona go tsena dikgaisanyo tsa bagwebi e le tsela nngwe ya go ipapatsa mme a gatelela fa di mo thusa thata ka jaana a kgonne go fenya a ba a atswiwa ka lemmenyana le a kaileng fa le kgona go mo isa golo gongwe. Kgosi Sarona a re se se swabisang ke gore bana ba ba neng ba otlhaiwa ke ba dikole tse di potlana ka jalo ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase. Maphata a a neng a tsibogetse letsatsi leo, a akaretsa lephata la ga molaodi, la dikitsiso, omang, tlhabololo banana metshameko le ngwao, la diphologolo makgabisa naga, khansele, ba kabo ditsha, Legal Aid, dikgolegelo, lephata la matlhoko a leruo le a mangwe. A re go sa tla ka bontsi ga banni kwa tirong eo e e neng e tshwerwe ka Matlhatso go a tlhobaetsa ka go ka fa ba sesole sa Botswana ba ba neng ba ba abela dikago tseo kakanyo ya gore ga baa itumelela thuso ya bone. O ne a lebogela Kgosi Kgari seabe sa gagwe mo thokgamong e e renang mo Hatsalatladi ka go tsamaisa dikgang tsa one sentle. O supile matshwenyego ka go bo bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba ba ne ba seyo kwa mogwantong go itseela ka tsebe molaetsa wa go hema dikotsi. Kgosi Koitsiwe o gakolotse batsadi botlhokwa jwa go batla ditsela tse di maleba tebang le kgodiso ya ngwana fa ba kgaogana. A re khansele potlana e thusa batlhoki ba le 1 503, ba nakwana ba le 1 482, bana ba ba nang le letlhoko ba le 43, balwetse ba ba tlhokomelelwang kwa malapeng gammogo le bana ba dikhutsana ba le 1 851. Kebonang o a ngongorega Rre Mosotho Satomana a re o dule mo masimong a gagwe a itshopere morago ga go tsenelelwa ke dikgomo mo tshimong. Bakaedi Selemela le ene o lebogetse tirisanyo mmogo ya bodiredi, bogolo jang ba ile ba eteletse pele lefoko la kgalemo le tlhagiso pele ba tsaya dikgato tsa go diragatsa dikotlhao. Banni ba Gweta kwa kgaolong potlana ya Tutume ba akgotse tona ya pereko le selegae, Rre Edwin Batshu go bo a iphile nako go ba etela le go buisa phuthego mo kgotleng ya bone. A re bontsi jwa Batswana ga ba ise ba kgone go lema dijo tse ba ka itshetsang ka tsone tsa ba tsa jesa lefatshe. Rre Kalantle are ele Khansele ya Jwaneng ba nnile le dikgwetlho tse di ba kgoreleditseng gore dingwe tsa ditiro di bo di sa wela.Are go batla baitseanape ba ba rutetsweng tiro ya diatla ga mmogo le go dira ditlhwatlhwa tsa ditshenyegelo tsa go ditiro dingwe tsa puso ke gone go diileng dingwe tsa ditiro tse di kabong di setse di weditswe. O boletse fa motlobo wa dibuka wa Maunatlala o na le dipampiri tsa Dailynews tsa go tswa kwa go 2015 e le nngwe tsela ya go netefatsa fa setshaba se sa tlhaele thuto le kitso ka tse di diragalang mo lefatsheng la bone le a mangwe. Mo puisanong bosheng, molemisi yo o direlang kwa metseng ya Takatokwane le Dutlwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Ditiro Bolepya o tlhalositse fa e ne ya re morago ga go simolodisiwa ga lenaneo la ISPAAD ba lemoga dipalo tse di nametsang tsa banana ba ba ikopelang go lemelwa ka lenaneo le. Banni ba ne gape ba itela ka tiego ya go abelwa dipodi ka lenaneo la nyeletso lehuma morago ga go tsenelela dithuto. Mongwe wa banana bao ke Rre Alfred Kedisang , yo o itshetsang ka thuo ya dinotshi go tokafatsa botshelo jwa gagwe. A re mme yoo o ne a ba bolelela fa ene le rre yoo ba ne ba kile ba nna baratani. A re fa go robatswang bana go ne go sena sesupa ditshwantsho mme seo se dira gore bana ba batle go tswa mo sepatela pele ga nako ka ba tlhwaafalela kwa malwapeng mme mpho ya television e tla fokotsa boithobogo joo. Tona wa ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso, Rre Mokgweetsi Masisi, o kopile badiri ba ofisi eo go nna sekao fa ba opela pina ya setshaba. Dr Mwamgemi o supile fa go na le malwetse a a sa tshelanweng a a tshwenyang thata jaaka sukiri le madi a matona. O ne a supa fa go atlega mo kgwebong go akaretsa go dira dithoto tse di nang le boleng. Fa a ba araba Rre Kalantle o ne are go thata go fa babereki ba Ipelegeng diaparo tsa itshireletso ka ntlha ya seemo sa madi. Mme Marathe a re bomme ba tshwanetse gore ba thusane, gape ba rotloetsane e le basadi bamapodisi. Ba ntshitse kopo eo mo diphuthegong tsa kgotla di tshwerwe ke mopalamente wa bone, Rre Biggie Butale kwa metseng ya bone kgwedi eno e le lesome le boferabobedi. O ne gape a opela matsogo morafe wa motse wa gagwe ka jaana a re ba tsena diphuthego tsa kgotla ka dipalo tse di nametsang, mme a ba kopa go itse mosola wa go nna le setsha. Rre Motlaleselelo o tlhalositse fa komiti ya ditlhabololo e le yone e itseng letlhoko la kgaolo ka jalo e mo seemong se se botoka go tlhalosa matshwenyego. A re ka tlholego, sekole sa Grace Kgari se ne se felela ka mophato wa botlhano mme gompienong se tsaya go fitlhelela ka lekwalo la bosupa mme se, se bake tlhaelo ya matlo a borutelo. Mo go le lengwe, barui ba ne ba gakolola gore BMC e ithole morwalo wa go otla dikgomo ba re seo e tshwanetse go nna boikarabelo jwa barui. Fa a amogela baeng Kgosi Bafentse Moatshing a ne a supa fa ba lebogela ditlhabololo tse di dirwang mo sekoleng seo jaaka matlwana a borutelo le matlo a barutabana. A re fa go na le tshwaragano magareng ga baeteledipele ba metse e e farologanyeng, badirelapuso, mapolotiki le setshaba ka kakaretso maiteko a puso a go nyeletsa lehuma mo lefatsheng leno a ka tswa maduo a a nametsang. Kgosi Keeletse Tselawa o lebogetse ka fa komiti ya ditlhabololo ya Lephane e tlhoafaletseng tiro ka teng, selo se a reng se supa tshwaragano le maikarabelo. Ba tsweletse ba re ba tshwenngwa ke go phutlhama ga kgwebo tsa batho ba ba tsereng mananeo a puso mme ba bolela fa go dirwa ke mabaka a akaretsang go tlhoka mebaraka ,metsi ,go diega ga melemo ya leruo, tlhaele ya kitso mo go ba ba thusitsweng le go tlhoka go sala morago mananeo ga babereki. Rre Keitsetse a re pele ga ba itsane le Gender Affairs ba ne ba nna fela mo malwapeng go sena gope kwa ba berekang teng go itshetsa mme a supa jaanong ba ka pakela lephata la Gender Affairs ka le ba thusitse go itlhamela mmereko. Banni ba ne ba tswelela ba supa fa se, se baya baithuti ka fa mosing ka jaana bana ba ya dikoleng ba sa tsenya sepe mo maleng gape le yone kapari e se mo seemong se se itumedisang mme se se feletse se kgoreletsa go ithuta sentle ga baithuti ka jalo go feletsa go nna le kwelo tlase ya maduo mo dikoleng. Merogo e tlodisa monana melatswana Ba re ba tlhaloganya gore ba kabo ditsha ba ne ba diragatsa taelo ya kgotla tshekelo mme ba supa lekgotla ka monwna ba re le nnile maoto a tshupa go abela baikopedi ditsha ke ka moo ba felelang ba ikabela. Letsatsi le le ne le tshwerwe ka setlhago se se reng, He e Zosa Go, se raya gore re a e tsosa. A re tseo ba tlaa di ithekela fa ba setse ba itshwarela ka diatla. O kopile borre go tlogela go kgokgontsha bomme ka go ba thubetsa, a bo a kopa gore le bana ba seka ba berekisiwa ditiro tse di bokete. O tlhalositse fa Rre Dithapo a diretse puso ya Botswana ka lebaka, ka jalo ba sena pelaelo epe go mo fa thomo eo. Kgaolo ya Selebi Phikwe Bophirima e emetwe ke Rre Opelo Makhandlela wa phati ya Botswana Democratic Party (BDP), Rre Dithapelo Keorapetse wa Botswana Congress Party (BCP), le Rre Moeti Mohwasa wa Umbrella for Democratic Change (UDC). Mafoko a, a builwe ke modulasetilo wa komiti ya khansele-potlana ya Ghanzi Botlhaba, ebile e le mokhanselara wa kgaolwana ya Kabakae, Rre Bashi Thiite fa a buisa diphuthego tsa kgotla mo dikgaolong tseo bosheng. Fa batsadi ba ka tshwaraganela bana le barutabana maduo a mantle a ka bonala ka go tlaa nna le yo o tlhokometseng bana kwa sekoleng le mo lwapeng, ga bua Kgosi Thwane. Rre Joel Molatlhegi o kopile gore go tsenngwe dipone tsa mekgwatha mo motseng ka madi a dikgaolo tsa botlhophi go lwantsha masula a a diragalang mo motseng. O tlhalositse fa go setse go na le babeeletsi ba ba supileng kgatlhego mo ditshimong dingwe go lema di Fa a rolela mopalamente ka tsa komiti ya ditlhabololo ya motse, modulasetilo, Mme Kgomotso Radibe o lebogetse mananeo a puso a nyeletso lehuma le Ipelegeng ka a dira sentle kwa motseng oo. Dingwaga di le lesome le boferabobedi tse di fetileng, go ne ga tlhomiwa motsana mo kgaolong ya Ghanzi Bokone, o o itsegeng ka Qabo. Gare o dira ditlatlana ka mokgwa o mosha Ka jalo Rre Maele o ne a gwetlha balemi go tsaya temo ka tlhwaafalo ka ke yone e ka nnang kgwebo ya bone. Metshameko e e neng e le teng go jesa matlho a babogedi monate ke kgwele ya dinao, bolotloa le tse dingwe jaaka volleyball, mme bafenyi go tswa mo metshamekong eo ba ne ba iponela P3 000, mme ba maemo a bobedi ba ikgapela P2 700, fa ditlhopha tsa maemo a boraro le bone di itswetse ka P2 300 le P2 000. Arch Bishop Mereyabone a re moono mogolo wa komiti eo ke go sidila banana ba bangwe maikutlo, go ba aga, go ba gakolola le gone go ba bontsha mosola wa go tsena kereke ka go ka thusa mo go ba ntsheng mo go tsotlhe tse di duleng mo tseleng le go fetola boitshwaro jwa bone. Mme Leburu o rotloeditse bangwe ka ene gore ba se ka ba itsapela go itirela mo botshelo. O tsweletse ka go supa fa kgokgontsho e ama itsholelo ka go dirisiwa madi a mantsi go latedisa dikgang dingwe tsa kgokgontsho mogodimo ga moo fa mokgokgontshi a le mo kgolegelong puso e tlamega go mo fa tlhokomelo ka madi a a seng kana ka sepe. O tsweletse ka go tlhalosa fa motshameko oo, o ba tlhabolola ka ba tle ba kope metshameko ya botsalano mo ditlhopheng tse dingwe tsa motse wa Zoroga. O gakolotse batlhokomedi ba dikhutsana le masiela go tlhokomela dimpho tse di filweng bana gore ba di akole ka boammaaruri. O buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Wenela kwa Maun bosheng. E re ka puso e dira ka natla go tlhabolola matshelo a Batswana, bomme Mmapula Ramosoka le Setlogetswe Moatshe ba bone go tshwanela go tsaya boikarabelo ka matshelo a bone. Mme mosala o ne a supa gape gore dikgaisano ka ntlha ya thotloetso ya boeteledipele jwa lefatshe leno bo dirile phetogo e ntsi thata mo bananeng ka ba sa tlhole ba gobea mo mebileng jaaka pele. A re kgwetlho e ba nnang ba kopana nayo ka nako ya bokopano jwa bone e le ba ofisi ya ga molaodi ke ya go tlhoka go tsisa dikgang tse di ka kopanelwang ke maphata kwa diphuthegong. Rre Matshwenyego Kesamang wa komiti ya barui o boletse fa leruo le dikile le sule ka bontsi ka ntata ya go tlhoka mahulo le metsi. O gakolotse gore mo botshelong motho a tshwanetse go bereka ka thata go fitlhelela ditoro tsa gagwe, a kaya fa dikgwetlho di tshwana le lehuma di ka dirisiwa go rotloetsa mowa wa tebelopele e seng boitlhobogo. Le fa go ntse jalo, o buile fa dikgwetlho tse di ka seke di mo kgobe marapo ka a tlaa itoma molomo wa tlase gore kgwebo ya gagwe e atlege. A re o na le keletso ya go bona bodiragatsi jwa mo gae bo godile, mme ebile bo kgonne go ntsha banana ba le bantsi mo mekgwatlheng le go fetola maitsholo a bone, ba itshetse ka ditalente tsa bone. Rre Petlwana a re go a tshwenya go bona bangwe ba batlhokomedi ba bana ba ba latlhegetsweng ke batsadi mo dikotsing tsa tsela ba itirisetsa madi a bana ba go nna jalo. A re borre ka tlholego ya bone ba tshwanetse ba nna basireletsi ba malwapa gammogo le baletlanyi fa go sena kutlwano, eseng go nna bakgokgontshi ba bomme le bana. Maikaelelo a thuto puisanyo eo e ne e le go lemoga seabe sa baeteledipele ba sechaba mo go lwantsheng kgokgontsho ya bong, go ruta le gore ba tlhaloganye gore bong ke eng, ga mmogo le go itse ka dikgang tsa bong go sa tsewe letlhakore. Rre Mavona a re molemi wa tlhwatlhwa kana yo o tlhwaafetseng o epa sediba a bo a aga le ntlwana ya boitiketso. O buile gape gore go nne le selanyo sa sekale sa thekiso ya tonki gore bareki le barekisi ba rotloetsane. Ka jalo o ne a ikuela mo batsading go dirisanya le barutabana go kgalema bana a bolela fa barutabana ba ka seke ba kgone ba le nosi. Ba supile gape gore ba fiwe sebaka go tswelela ba kwadisa ditsha ka ba simolotse thari. Go ya ka Rre Hulelela, e ne ya re kgwedi eno e le masome mabedi le bone, mosadi mongwe yo o dingwaga di masome a mabedi le boraro, le ene e le wa kgotla ya Moeti a tla go ba begela fa a fitlhetse moswi a akgega mo setlhareng se se fa pele ga lelwapa la bone. Erile fa a lekodisa ka maikaelelo a letsatsi, mogokgo wa Takatokwane Brigade Rre Paul Mosimanegape, o ne a supa fa e le go batla ditsela tsotlhe tsa go tokafatsa botsogo, go rotloetsa batho botlhe gore ba itlhatlhobele malwetse, go isa dithuto tsa botsogo kwa bathong le gone go ruta ka malwetse a a farologaneng. O ne a tswelela a re le fa ba ipaakantse ba na le dikgwetlho tse dintsi di tshwana le tlhaelo ya ditante, ka bontsi jwa tsone di le ko bathong. Kgosi Kgakanyane o rotloeditse setshaba go dirisa dipalamo tsa setshaba ka jaanong malatsi a Keresemose a atamela a ba a kopa bakgweetsi ba emisa go nwa bojalwa ba kgweetsa ka ba tshwere matshelo a batho. Mo go tse dingwe, Rre Pagiwa o supile fa ba sa ntse ba lebanwe ke kgwetlho ya puo, a supa fa bana koo ba dirisa thata puo ya Sekgalagadi thata mme e re morago ba thatafalelwe ke go dirisa ya Setswana le Sekgoa, mme a ikuela thata mo batsading go ruta bana dipuo tseo fa ba le kwa malwapeng. Mme Sedie o ne a supa fa mpho e tla thusa gore balwetse ba kgone go leba dikgang le tse di diragalang lefatshe ka bophara. Rre Sesinyi a re ba bone go le molemo gore ba di lere kwa go Kgosi ka ba itse fa a tlaa di aba ka tekatekanyo a sena go sekamela gope ka jaana bana e le ba gagwe botlhe. O tlhalositse gore go dira jalo go ka thusa go tla ka megopolo e e ka tlhabololang kgaolo ya bone. Rre Moloi a re gape ba na le boranyane jo e leng moalo o ba o dirisang go itse tota gore melelo e fa kae gore ba romele batho le kitsiso nako e sale teng. O ne a re mo dinakong tsa go tshwana le tse tsa go ipela go na le batho bangwe ba ba sa rateng go bona ba bangwe ba ipela, ka jalo a gwetlha batho go tsaya boikarabelo. Modulasetilo wa khansele ya borwa, Rre Mephato Reatile o kopile baruti ba dikereke tsa Kanye gore ba seka ba senya nako ka go kgalana. A re o dumela gape fa borre ba tla kgona jaanong go ikgolaganya le mokgatlho wa Kagisano ka ba tla bo ba kopana le borre ba bangwe. A re olebogela gape gore dilo tse di dirisitsweng mo kagong ya ntlo eo jaaka setlhowa,pinagare , thitelo le kgobati e bofang bojang le tse dingwe ele dilo tse bana ba ka ithutabg ka tsone, a ba are dilo tse di dirisitsweng mo kagong ya ntlo eo di fokoditse ditshenyegelo tsa go reka kwa mabenkeleng. ENDS Mme Tuduetso Botsheleng wa Khuis kwa kgaolong ya Kgalagadi o simolotse kgwebo ya go bopa dinkgwana tsa mefuta e e farologaneng ka ngwaga wa 2006. O tlhalosa gore botlhale jo, bo ne jwa mo inola mo lehumeng ka e bile ga a di direle go ja fela, o kgona go rekisa morogo wa tsone mo motseng. Lenaneo la ntebele ke go lebele ke lone le le ka sireletsang matshelo a batho, dithoto le loruo lwa bone mo dirukutlhing. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Khekhenye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Batsile Kgonkane a re maiteko a puso a go inola banni ba metse e e kgakala le ditlamelo mo lehumeng le go tlhabolola matshelo a bone a a bonala ntswa go na le dikgwetlho dingwe tse di paledisang mananeo go goroga ka thelelo. Kgosi Maforaga o solofeditse go anamisa diphuthego tsa kgotla mo maranyaneng a Facebook ka banana ba tlhola mo go one, a re gongwe ba ka tla ka bontsi. Rre Sebigi a re boitshwaro jwa bone e nne jo bo supang gore ba rutetswe tiro ka maemo a ditiro tsa bone, a re go botlhokwa gore bomme ba rotloetsane ba emane nokeng lefatshe ka bophara. Kgosi o tsweletse ka go tlhalosa fa dingwe tse di tshwenyang ga baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ele dipolaano tse go tweng ke tsa marato tse phelelong ya tsone di phuaganyang bana ele masiela kana batlhoki mo go pateletsang puso go tlhokomela bana ba go nna jalo. Mothusa tona wa lephata la tlhabololo temo-thuo le dijo, Rre Kgotla Autlwetse o rotloeditse banni ba Mmatshumo go dirisa mananeo a a teng a temo-thuo go tlhabolola mohama wa temo-thuo gammogo le go o dira kgwebo. O tlhalositse fa puso e batla go busetsa dikokelwana kwa khanseleng, a supa gape fa e le nnete ba na le mathata a dikoloi tse di rwalang balwetse ka jaana di tlhaela. O ne a wetsa ka go re o ka itumela fa a ka supa dilwana tsa gagwe kwa ditshupong tsa Gaborone. Modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Florah Mpetsane, o gakolotse banni ba Mulambakwena go seka ba ipona tsapa go dirisa mananeo a a diretsweng go tlhabolola matshelo a bone. O ne gape a laela gore Majahi le Ramoswang ba iponatse kwa ofising ya mapodisi ya Morwamosu, Mosupologo mongwe le mongwe fa gare ga nako ya 7:30 le ya 16:30, fa Dihawa a tlaa iponatsa kwa ofising ya mapodisi ya Kokong mo malatsing le dinako tse di tshwanang. Ditholo di inisa banni ba Masingwaneng ka je Go rekisiwa ga lefatshe go a tshwenya A re ka lone letsatsi leo ga a ka a leba kwa morago. O ne a gwetlha banni go ikgapha mo mokgweng wa go rarabolola dipharologanyo ka go lwa mme a ba rotloetsa go ithuta go buisana kana go ka kopa bogakolodi mo batsading kana baeteledipele ba motse. Kgosi Mpeo o kopile batsadi gore ba lebelele botshelo kwa pele, ba itse gore se ba se rutang bana ba bone le bone bana bao ba tsoga ba se ruta ba bo ba se dira mo go ba bangwe. O ne a ba kgothatsa go tswelela ka mowa oo, o a supileng o eletsega e bile o le botlhokwa fela thata ka a re leruo le na le seabe se segolo mo go fokotseng thobo fa le ka lesediwa go senya mo masimong. Mo dikgannyeng tse dingwe, Supt Matlapeng a re ba tshwenngwa ke dikgang tsa petelelo tse di golelang pele mo kgaolong ya bone, tse bontsi jwa tsone di diragalang bosigo kwa mafelong a itloso bodutu, fa tse dingwe e le tse di amang bana ba dikole. O tlhalositse gore seemo se se kekelang se sa borukutlhi se tlhoka gore go nne le tshwaragano le tirisano mmogo ya ba-na-le seabe botlhe. Mopalamente Molebatsi a re noka e botlhokwa ka e ka ngoka ba mafatshe a sele mme le bone ba ka e dirisa mo go tsa temo. Mo bogompienong, Dr Moreki are puso ga e ise e ntshe taelo ya go bulela theko go fitlhelela nako e e tla bolelwang go leka go oketsa tsadiso ya tsone. Tautona Khama o ne a kopa bagolo go ikopanya gore batle ka mananeo a puso e ka ba thusang ka one. Mme Molubi o kopile batsadi gore ba fe bana morero mo lwapeng gore ba kgone go ba thusa go rarabolola dikgang dingwe tse di ka bakang kgokgontsho. Kwa bofelong balekane ba Botswana ba Sefhophe ba ne ba abela Mme Kebathokile Gabosekwe ntlo ya kamore e le nngwe boemong jwa ba lelwapa go supa mowa wa kutlwelobotlhoko. Mopalamente o bile a kopa banni ba metse eo go tsaya tsia dikgakololo tsa ba tepo loapi ka go lema dijwalo tse di sa babalelweng ke mogote o montsi di tshwana le lablab go itepatepanya le seemo sa loapi. O ne a ikuela mo baleming go adimana kana go thusanya le gone go rutana go dirisa didiriwa tsa temo. O ne a supa fa se se ngomolang pelo ka dikiteo tse, e le gore di setse di akaretsa le bagolo ba a reng e ka bo e le bone ba ba kgalemang bana. A re bangwe ba ne ba fiwa dipolase fa setlhare seo se leng sentsi teng mme ba felela ba se ageletse mo dipolaseng tsa bone jaanong ga go motlhofo go se bona. A re le fa mo nakong eno go santse go le bokete mo batsading bangwe, e le komiti ya ditlhabololo ba tsweletse ka go tlhomamisa gore bana ba ya sekoleng. Se se bakile puso go nama e emisitse thekiso ya tonki gotlhelele ntleng fela fa motho a ka e bolaela go ja le ba lelwapa la gaabo. O ne a rotloetsa thata balatedi ba mmino wa Polka go dira ka natla ka go ntsha ditalente tsa bone ka seo gape seka thusa mo ipapatsong go tswakanya itsholelo ka se gape se ka thusa gore ba itshetse gammogo le bana ba bone. A tlatsa ka gore, se se ka ba thusa go tswa mo mekgwatheng mo go bakiwang ke go nna fela ba sa dire sepe. Kgosana Gaofiwe o ne a ba gwetlha go tswelela ka mowa o montle o ba o supileng. O boletse fa ile go lekodisa setshaba ka go segwa ga bojang gore melelo ya naga e tsweletse ka go jwajwaila naga mme selo se se bakwa ke selekanyo sa dipula tse di neleng ka gore fa dipula di le dintsi, le se se ka shang se nna sentsi. O tsweletse a tlhalosa fa motho e le sebopiwa se se botlhokwa go gaisa dibopiwa tsotlhe ka Modimo a mo file tlhaloganyo ya go akanya mme a ba rotloetsa go tswelela ba somaretse botho, boikobo, bonatla le kutlwano ka ke tsone tse di ka ba gogelang kwa dingwageng tse di lekgolo. Mookamedi wa lephata la ipabalelo tseleng kwa Lobatse, Rre Kebaabetswe Keatlholetswe a re jaaka puso e ne ya tsaya tshwetso gore go nne le letsatsi mo kgweding go direla setshaba, lephata la gagwe le tsere tshwetso ya go baakanya kana go shafatsa matshwao a ditsela a a gaufi le dikole. O supile gore e re ka jaana tiro eo e ya go ngoka batho go tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe leno, ga se maikaelelo a bone go dira sogosogwane mo go e baakanyetseng, a bolela fa go dira ka manontlhotlho a a kwa godimo go ka itumedisa ga ba ga supa le yone tlotla e ba nang le yone mo kgosing ya bone. Kgang e, e ama mongwe le mongwe gore a thuse. O supile fa batsamaya ka Matheo 25, e e reng tsayamaya le lefatshe lotlhe o ba rerele efangele. Batho ba utswa leruo, ba a tshwarwa, ka moso ba letleletswe go emela tsheko kwa ntle, mme ba tswelele ka go dira molato oo. O ne a itsise setshaba go inaakanya le ba ofisi ya bone ee kwa Kang yo e leng yone e okametseng kgaolo ya kgalagadi. Rre Ramaabya a re barui ba tshwanetse go ikela tlhoko ka leruo la bone ba le fufuletse ka botlhoko, ka jalo ba tshwanetse go bona madi a a botoka fa ba le rekisa. Poko ya Setswana e gomagomediwa ke go nyelela ka ntlha ya gore batho ba kgatlhegela diteme di sele, le mefuta e mengwe ya bodiragatsi. Go tlhalositswe fa mo dikgaolong tse di masome a mabedi le bobedi tse di nang le diofisi tsa lephata la banana, metshameko le ngwao, ofisi ya kgaolo ya Bokone Botlhaba e ne ya gapa maemo a bobedi kwa kabong dietsele ya monongwaga ya go tlhopha dikgaolo tse di dirang sentle mabapi le ditirelo tsa lephata leo. Borre ba kopilwe go itekodiosa ba botsogo le bakapelo ba bone, ba tlogele go nna ba itlhatlhoba ka maduo a bakapelo ba bone. Tona o batla tokafatso maduo O tlhalositse gape fa Mme nightingale e ne e le modumedi mme a ba rotloetsa gore ba tshwanetse gore le bone ba ikaege ka tumelo ya bone, ka tiro e ba e berekang e tlhoka gore motho a bo a itse Modimo. Kgosi Ramaribana a re di sale di lemile dinaka bogole bogologolo, ka gore ka nako eo go ne go dumelwa gore fa motho a rutegile o tshwanetse go utlwiwa a bua sejatlhapi. Superintendant Maniki a re mme yoo o ne a tsenya P70 000 mo bankeng ya United Kingdom, ka Phatwe go reka koloi mme nako kgolo ke eno. Mogolwane wa mokgatlho wa Dignity Trust Foundation Mme Mokgadi Nteta o ne a supa fa Dignity Foundation e kwadisitswe ka fa molaong ka 2013 mme e setse e abetse dikole di le some. A re se se raya gore ditlhabololo di tla tla mme o ba kopile gore ba itshoke ba nne fela ka mowa o montle o be neng ba akgolwa ka one, a re letsatsi la tuelo le itsiwe ke Modimo. Ba bile ba gatelela gore puso e gagamaletse bao ba ba kgokgontshang ditonki le ba ba di utswang. O kopile batho, bogolo jang bomme, gore ba seka ba tsamaya ba le nosi bosigo ka go le borai, ebile go baya matshelo a bone mo diphatseng. Barutabana le bagokgo ya dikole tse dipotlana le tse dikgololwane ba ba tlogetseng tiro ka bogodi ba ne ba kopane mo Palapye ka Labone go lekodisana ka tse di amanang le lekgotla la bone la Botswana Teachers Union (BTU) e le lantlha mo ditsong. Rre Ngaka a re fa dikhomputara le maranyane di sa bereki ga ba ka ke ba ntsha maduo a a nametsang. A re beng ba dikgomo ga ba etele meraka kgapetsa kgapetsa ka jalo ga ba itse dikgomo tsa bone, mme di itsiwe ke badisa, a tlhalosa fa bongwe borukuthi bo dirwa ke badisa. Le go ntse jalo, a re o ikaelela go ipapaletsa maemo a boeteledipele jwa lekgotla la mafatshe a Aferika la African Union., Dr Venson-Moitoi o ne a tlhalosa fa ditlhopho tsa maemo a, di tlaa tshwarwa ka Seetebosigo mme go itshupile fela mafatshe a le mararo a a nang le kgatlhego ya go ema,. A re ba simolotse lenaneo la thuto ya bana ba bannye go tswa kwa moding mme a supa fa ba ne ba lemoga gore letlhoko la lenaneo leo le teng kwa Mosinki. A re dinotshi tse a di ruileng, ke tse a di utlwalelang di tshwenya banni ba toropo mo malwapeng a bone le tse di kgoreletsang babereki ba koporase ya metsi ya Water di le mo meseleng. Kgokgontsho e e ka diragala mo sephiring kana mo pontsheng mme e felela ka go tlisa kutlobotlhoko le pogisego mo mmeleng,mo tlhaloganyong kgotsa maikutlo le mo go tsa tlhakanelo dikobo. O tlhalositse fa kgokgontsho ya mmele e le tiragalo epe fela e e ka lereng ditlhabi le kutlobotlhoko mo mmeleng wa yo o amegang. Mme Matseka o tlhalositse fa se se utlwisang botlhoko le go feta ele ka fa le bana fela ba ba tseng dikole ba setse ba simolotse go dirisa ditagi kgotsa ba a nwa le batsadi mme go se sepe se se molato. Mme Ramatu o boleletse batsena phuthegong eo gore ditiro dingwe tsa komiti eo di paledisiwa go dirwa ka ntlha ya go tlhoka go tsena diphuthego ga maloko gammogo le go tsena thari mo diphuthegong, mme a bolela fa maikaelelo a gagwe ele go tseela botlhe ba ba sa tseneng diphuthego dikgato tse di maleba ka jaana ofisi ya gagwe ele yone e neetsweng dithata le boikarabelo jwa go okamela maphata a puso mo kgaolong eo. Rre Sinombe a re e le mokgatlho ba ikaelela go tsaa malebela mo mekgatlhong e mengwe e e lwantshang kgokgontsho go thusa go e emeisa gotlhelele mo motseng wa Sebina. Rre Kaventengure o ne gape a rotloetsa ba ba agetsweng matlo jaaka ene ga mmogo le batlhokomedi ba bone go tlhokomela matlo ao gore a nnele ruri mo seemong se se siameng. Rre Mautle o buile jalo mopotsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, a re e le ba sepodise ba ne ba lemalala a laotswe ebile ba dirile ipaakanyo ya maemo a ntlha. Archbishop a re e re ntswa kereke eo e simologile go sena dikago tsa borapelelo tsa sennelaruri, ka go ne go dirisiwa maobo, mo nakong eno go a itumedisa go bona dikago di ema ka dinao, ebile kereke ya Mabutsane e le ya boraro go bulwa semmuso a re seo ke sesupo sa gore ditlhabololo di tsweletse pele. O boletse fa kereke ya bone gape e tlhokomela setlhopha sa bolotloa sa baikopanyi sa Makakatlela se a tlhalositseng fa ba se thusa ka ditsompelo tsotlhe tse ba di tlhokang a supa fa ba kopantswe ke lerato la Modimo fela e seng sepe gape. O tlhalositse fa madi a lefatshe la Botswana le a dirang ka bojanala e le one a dirisiwang go aga dikokelo, go reka melemo le go duela makgetho. Le fa go ntse jalo, Mme Dibere o supile fa a sa ipone tsapa ka go nna a ipapatsa mo motseng, ka jaana go santse go le thata gore a bone bareki. A re boitsholo jo, bo ne bo tsisa thokgamo, tirisano mmogo le lerato mo morafeng wa maloba. O supile fa dikgaisanyo tse di le mosola thata ka di rotloetsa botsogo jo bo itekanetseng mo tirong. Banana ba Francistown ba inosa nkgo ka thoko Mo potsolosong le BOPA, bagwebi ba ba botlana ba ba ikaegileng ka go rekisa maungo le merogo, go akaretsa le ba kapei ya dijo le dimausu ba tlhalosa fa kgorogo ya lebentlele la Shoprite Usave e sa gomagometse go nyeletsa dikgwebo tsa bone ka nngwe tsela mme ba itemogetse kgolo ya kgwebo fa esale marekisetso a tlhongwa mo motsaneng wa bone. A re e le ba sepodisi ba itemogetse gore bomme ba kgona go ipaya mo diphatseng tsa go thubediwa ka go tsamaya bosigo kwa dibareng kana ba buledisiwa ke batho ba ba sa ba itseng go tswa kwa dibareng. O tsweletse a re barongwa ke badiragatsi ba molao ka e le bone ba isang dipampiri tsa tshwetso e lekgotla le e tsereng kwa go yo go ngongoregiwang ka ene, tse fa gongwe di tlhokang tuelo ya madi kana thekiso ya dithoto. A re selo se ba se itumelelang ke gore bana ba Mosinki ba na le kgatlhego mo lenaneong le. Rre Tsogwane a re puso ga e robadiwe ke dikgwetlho di akaretsa lehuma, letlhoko la ditiro, le go tlhaelelwa ke ditlamelo ga bana bangwe ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi. Ka bomme ba ba nang le mogare wa HIV ba lebanwe ke diphatsa tsa go ka tsenwa ke kankere ya molomo wa popelo, Mme Modebedi o ba gakolotse le bone go dirisa kokelwana e. Rre Bogosi a re tshwetso e ya go sa tseyeng karolo ga banana, go ba baya ka fa mosing go itse mananeo a ditlhabololo a a ba amang. Bontsi jwa baikopedi e leng banana ba ba ne ba akgola se. Fa a tlhalosa ka mohero wa tlolela Rre Kapeko are mohero o otsile otswa ko lefatshe la Namibia mme mo go atenga ga one wa anama le dikgaolo tse dingwe tsa kgalo wa gantsi le kgalagadi o dirwa ke mesepele ya batho le leruo. Ka 2008 bana ba ne ba bolawa ke leroborobo la letshololo mme ga fitlhwelwa mogare wa rota mo mantleng a bone bana ba. A re seemo sa keletso mesepele se ba kgoreletsa go tswa mo manokonokong a itsholelo e e kwa tlase, a re dikgwebo tsa bone di a ba tshetsa mme se se fokotse palo ya ba ba tlamelwang ke puso. A re ka dinako tsotlhe morui a ka seke a fitlhele dijo le melemo ya leruo mme se se felele se baka gore ba latlhegelwe ke leruo la bone le ba le abetsweng ka mananeo a tshwana le la LIMID,jalo a kopa ba ba maleba go tsibogela seemo se ka jaana se kgoreletsa maiteko a puso a go ba inola mo lehumeng. E rile a tswa la gagwe, Kgosi Dick Chikuba wa Masukwane, a kopa Rre Butale go ikgolaganya le ba ba maleba ka seemo sa tsela eo. A re koporase ya metsi e tlhaloganya botlhokwa jwa go thibela bolwetse, ka jalo e tlaa tlhomamisa gore setshaba se bona metsi gore se kgone go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa ka metsi a a phepa le molora jaaka ba botsogo ba rotloetsa. Bomme mo kgotleng ya Mokgalo kwa Molepolole ba ipopile go tlhama mokgatlho Mosadi o Ruta Mosadi go leka go itshetsa. Rre Ralotsia, yo o tlhotseng kwa motseng oo, o boletse fa puso e leka ka maatla otlhe gore Motswana mongwe le mongwe fa a leng teng a dirise mananeo a puso a sesolo jaana ISPAAD le NAMPAAD go ntsha dijo mo masimo le mo loruong mme mo go salang ba bo ba rekisa jaaka puso e rotloetsa. E re le ntswa bontsi jwa batho ba ne ba supile fa ba itse ka moletlo o, tshologelo e ne e le e e boutsana. O tlhalositse fa dikgang tsa batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ba na le dithoto mmogo di golela pele ebile di tshwenya, a re go dira jalo ga go rotloediwe ka go le gantsi go baka dintwa mo bathong ba go nna jalo mme go felele go sena kutlwisisanyo fa ba kgaogana. Rre Bosele a re mo isagong ba tlaa thusa maloko a setlhopha a a sa berekeng ka go ba tlhamela dikgwebo tse dipotlana ka dipoelo setlhopha, e le nngwe tsela ya go ba leboga le go ba supegetsa fa mofufutso wa phata tsa bone o ka fetola matshelo a bone. Rre Malikongwa o ne a akgola ba Khansele ya Bokone Bophirima, a re go supa fa ba gatetse pele ka lenaneo leo la go bereka ka ditlhopa, ka go supafetse fa ba na le mananeo a masha le tshwaragano le maphata a mangwe. O buile jalo kwa phuthegong ya go tsibosa morafe go nna le boikarabelo jwa go fokotsa mathata a a tshwenyang a nnotagi mo lefatsheng leno. Botlhoka tsebe ga bo busetse Kgwetlho e nngwe e e lebaneng kgwebo ya gagwe, o boletse fa e le seemo se se maswe sa tsela ya lekgwarapana e e golaganyang motse wa Mambo le wa Makaleng. Tona wa itshireletso, Molao le Thokgamo Rre Dikgakgamatso Seretse o simolodisitse letsholo la go lwantsha bogodu jwa leruo kwa morakeng wa Lechana gaufi le Palapye. Fa a buisa baphuthegi bao, tona wa tsa meepo, kgotetso le metsi Rre Kitso Mokaila, o tlhalositse fa go aba e le selo se se botlhokwa se se ka tlisang pharologanyo mo botshelong jwa motho yo mongwe. Rre Mackenzie a re komiti ya VDC ke palamente ya motse fa komiti ya badirela puso ya VET e le yone e ba gakololang mo ditsamaisong le ditlhabololo tsa metse. Mafoko a a builwe ke mogolwane wa kokelo ya Letsholathebe Memorial Hospital Rre Kebotlwaetse Kwabala, fa a ne a tlhalosa ka ipelelo letsatsi la botsogo jwa ngwana (child health day) kwa kokelwaneng ya Shashe kwa Maun bosheng. A re kgwedi le kgwedi ba amogela dikgang tse di fetang lesome tsa banyalani ba ba tlhalanang. A re go tsamaya ba le digongwana, ke yone nngwe tsela ya go fema go tlhaselwa. Mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le borataro o falotse ka bobi jwa segokgo morago ga go tsenelelwa ke noga mo ntlong ya gagwe mo Tsabong. Rre Kenosi a re ga a dumalane le gore lefatshe la morafe le ka dirisiwa fela go sena dikatso dipe tse di dirwang. O boletse gape gore kgaolo ya Bokone Botlhaba e ne ya bona maemo a ntlha mo lefatsheng leno lotlhe mo go direng sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa ka ba fentse ka selekanyo sa masome a fera bobedi le sephatlo mo lekgolong, a tlatsa ka go re kgaolo eo ga e bolo go itsetsepela mo maemong ao fa e sale 2012. Mogolwane go tswa kwa lekalaneng la Botswana Life Insurance kwa Tsabong, o ne a tlhalosa fa maikaelelo a ofisi kgolo ya bone ya Botswana Insurance Holdings Limited (BIHL) e le go rotloetsa thuto ya maemo a a kwa godimo. Ba ne ba tlhalosetsa mopalamente fa ba ne ba phakisiwa dihutshane ka lenaneo la nyeletso lehuma, mme jaanong dihutshana tsa bone di ka nna tsa felela di sule ntateng ya lenyora ka gore koporase ya metsi ga e siele leruo. O tlhalositse gore dinotshi di na le dipaka di le tharo mo ngwageng tsa go dira tsina mme gore di nne bogadi bo gaufi o di lemela sonobolomo le maphutshi, gape e le tsela nngwe ya go di tlhokomela. Kgosi o buile se bosheng mo letsatsing la pulo semmuso la kgotla eo jaaka a ne a amogela baeng mo kgotleng. Morafe o ne wa amogela Kgosi Saki ka mabogo oo mabedi. Rre Bosele a re setlhopha sa Phalana tsa Lekgarapa, se se agilwe ka banana ba feta masome a mabedi, mme o lemogile fa ditlhopha tsa mofuta o, di ka ntsha banana ba le bantsi mo mekgwatlheng. Ngwao e tshwanetse go somarelwa Mme Mareledi Madome ke mongwe wa Batswana ba ba ipelegang ka diatla tsa bone ka a itshetsa ka go loga ditlatlana. Basekisiwa ba letetse tsheko kwa ntle ga kgolegelo O supile fa se, e ne ya nna yone tiro ya gagwe ya malatsi otlhe. Lorato lwa gagwe mo loruong a re ke sone seikokotlelo sa gagwe ka e a re dikgwetlho di tlhakaladitse a tlelwe ke kakanyo ya go tswala lesaka a bona o ka re o berekela a e fofe. Mokwaledi ko lephateng la makgotla a ditsheko tsa Setswana Mme Sylvia Ramosiane o kopile batsadi go nna le boammaaruri ka dinako tsotlhe fa ba supela batho. Bagolo ba tlaa bo ba tsena ka P10 fa bana bone ba tsena ka P5. Rre Batshu o buile jaana ka letsatsi la Re a Nyalana kwa Tutume ka Labone mme a re dipatlisiso tse di dirilweng ke ba NACA ka thomo ya ga Tautona Lt Gen. Le seka la letla bo-mabina-go-tsholwa go le tsholela pitsa ntswa e se baapei ba yone. Rre Ramaabya o kopa bao ba e leng gone ba abelwang ditsha e bile ba simolotse go aga go tlhokomela dijarata tsa bone ka go bona gore go na le yo o tlhokometseng dikago nako tsotlhe. Mooki o tlhalositse gore gareng ga dikgang tse ba neng ba rutuntsha setshaba ka tsone, ke tsa kankere ya molomo wa popelo, malwetsi a tlhakanelo dikobo le go kgaola letlalo la bonna. Barutabana ba akgola baithuti Go isiwa ga lefuti la matlakala kwa Lemone mo kgaolwaneng ya Mmalekokopu le gone ga supega go ka seke ga kgonega ka mabaka a gore fa go sikilweng teng ke fa metsweding ya letamo le le nosang batho ba kgaolo eo. Mo potsolosong le lekalana la BOPA, motshwarelela mookamela mapodisi a Machaneng Assistant Superintendent Kebueng Hulela a re kotsi eo e diragetse mo tshokologong ya Mosupologo, fa mokgweetsi wa koloi ya modiro wa Toyota Dyna a ne a latlhegelwa ke taolo. A re ba setse ba kgonne go baakanya matlwana a boitiketso gammogo le go reka ditilo di ferabobedi tse di tlaa dirisiwang ke setshaba. O tlhalositse fa kwadiso ya manyalo e tlaa ema kgwedi ya Morule e tlhola malatsi a le mararo. O kaile gore ba ne ba dirisa madi ao go reka didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang mo kgwebong. A re e rile ba ntse ba senka metsi ba thibelela fa mogobeng mongwe o e rileng ba le fa go one, mme mongwe yo o neng a itsholofetse a belegela ngwana wa mosimane teng; mme a mmitsa leina a re ke Qabo. Rre Ramaselwana o tshepisitse Rre Thamane gore tsotlhe tse di abetsweng sekole seo ba tlaa di tlhokomela, a gatelela ka go re go amogela dimpho ke kgwetlho mo go bone e le batsadi le barutabana ka jaana seo se tlhoka gore ba dirise ditlamelo tseo go nosetsa thuto. Mme Ntau o ne a tlhalosa fa gantsi pula e na ka boutsana mo Kgalagadi mme o gakolola banni ba kgaolo eo go inaakanya le go dira furu eo. A re baithuti ba le batlhano ba tsere A, ba le bararo ba tsereng B, ba le barataro C. A re go dira jaana, go paledisa ngwana go ithuta ka a sa bone morutabana ka sepe fa a ruta. Mme Majagoba o tlhalositse fa go aga ntlo ya ngwao mo dikoleng go le botlhokwa fela thata ka gore bana ba sekole ba tlaa ithuta ngwao ya bone ba bo ba e tlhakanya le dithuto tsa bone. Letsatsi leo le ne le rulagantswe ke ba Village Multisectoral AIDS Committees(VMSAC) mo Lerala ba kopane le ba District AIDS Coordinating office, ba Tebelopele Voluntary Counseling and Testing Centre le ba Men Sector kwa Palapye. A re puso e itlamile go tlhabolola kanamo ya mapodisi le go etelwa kgapetsakgapetsa ga baithaopi ba ba thusang go lwantsha borukutlhi ga mmogo le go ba neela dikoloi tse di faphegileng tse di tlaa kgonang go tsamaya mo ditseleng tsa masimo le tse di sa tsamaegeng. Ke kopa gore re tswelele ka go buisana le go kgaola dikoloto tsa rona, ga tlhalosa Rre Senai. Kgosi Mosielele a re dikgafela di supa mowa wa boipelego o Batswana ba tswang kgakala ka one, ka jaana ba ne ba itshetsa ka go lema ba sa ikaega ka go fiwa ke puso. Mme Loeto o tlhalositse fa batho ba sa tshwanela go ikgatholosa dikgang tse di amang bong le tekatekano, a re go botlhokwa go rulaganya le go tsenya letsogo ga batho botlhe mo dikgang tseo le go tlhaloganya molao gore wa reng le gore thuto e goroge kwa bathong botlhe. Lephata le rotloetsa dikgwebo O ne a gwetlha mokgatlho oo go tsweledisa mowa wa bone wa kutlwelo botlhoko, a tlhalosa fa seabe sa bone se raya go le gontsi ka jaana puso ka yosi e ka seke e kgone go thusa botlhe ba ba tlhokang thuso. A re kgwebo ya gagwe e e remeletseng thata mo go direng mekgabisa ka matlakala, o e simolotse ka 2010 morago ga go rutwa ke mongwe yo o e dirang kwa Mmadinare. Go ya ka Assistant Superintendent Motlhokomedi Ponyane, kotsi e e diragatse mo maitseboeng fa dikoloi tse di thulana mme o boletse fa ditlhotlhomiso di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile kotsi eo. Rre Guma a re Kgosi Jackalas o ba rutile go nna batho ba nnete, ga mmogo le gone go tshwaragana ka pelo e le nngwe. O buile seo kwa Bluetown ka letsatsi la go itlhatlhobela malwetse a mmele ka bosheng o o neng o rulagantswe ke bone ba kopane le ba mokgatlho wa Bagodi Lesedi la Sechaba. Phuthegoo eo e ne e rulagantswe ke ba lekalana la More Power Investment (MPI) ka maikaelelo a go abelana le beng ba lekgotla ka tse di fetotsweng go tokafatsa le go godisa BTU. Fa a neela dipalo tsa letlhoko la ditiro, o ne a bua ka dikete tse di masome a mararo le boferabobedi, mme a re ntwa ba e lole ka jaanong mo dingwageng tse tsotlhe fa e sale lefatshe la Botswana le tsaya puso, go a supa gore tiro e dirilwe ke baeteledipele. Motsadi go tswa kwa Themashanga, Mme Rebecca Matilamba o ne a leboga kereke, a ba kgotlhatsa go tswelela ba supa mowa o montle oo. Pula e e gosomanyeng bosheng kwa Mmashoro mo kgaolong ya Legare e tlogetse banni bangwe ba sena kwa ba ka latsang tlhogo teng. Bagwebi ba lela ka letlhoko la metsi Baphuthegi ba dikereke tsa Kgalagadi Borwa e rile bosheng ba phuthaganela kwa Maubelo kwa ba neng ba tsholeletsa matlho a bone kwa legodimong ba kopa Modimo go emisa dipolaano tsa baratani tse di golelang pele mo lefatsheng leno. Monna o thudilwe ke koloi kwa Makopong E rile a leboga, mokhanselara wa Tshokwe/Tobane, Rre Dintelo Mosweunyana o ne a rotloetsa banana go ikopanya go bua matshwenyego a bone mme e re morago ba a neele mokhanselara wa kgaolo ya bone gore a kgone go ba kopanya le ba maphata a a maleba. Kgosi Thwane o boletse fa manyalo a ko lekgotleng la setswana a letlelelwa ebile a lemogiwa ka fa molaong, a re go botlhokwa gore banyalani ba ye go supa kwa ga molaodi gore a ba tlhakanetse dithoto kana nnyaa mme go nne le maitlamo go netefatsa seo go itsa dintwa tse di nnang di nna fa banyalani ba setse ba kgaogana. O tsweletse a re mo ngwageng o o fetileng ka Phukwi, tiro ya matlalo ya Lerala e ne ya emela kgaolo kwa Gaborone mme ya bona dikatso tsa P10.000, fa godimo ga moo, thekiso ya dithoto tsa letlalo le yone ya nna teng ,a tlatsa ka gore se se ne sa dira botsalano le bagwebi ba ba tswang kwa ntle ka dilwana di ne di kgatlhisa leitlho felathata. A re se se diragetseng ke sebetso sa tlholego ka jalo go seka ga nna le ope yo o ka supiwang ka monwana. O tlhalositse fa banana ka bontsi ba nna fela mo malwapeng mme bontsi jwa bone ba rutegile. O ne a kopa gore go emisiwe kgethololo mo bathong ba ba tshelang ka mogare ka go ka ba itsa go ikamogela mo seemong se ba mo go sone, mmogo le gone go tsaya dikgato tse di maleba tsa go tsena mo lenaneong la diritibatsi le go itse fa go sa ntse go na le botshelo jo bo leele le fa motho a tshela ka mogare. Rre Selatolo a re ka bokopano joo ba amogana dikgwetlho tse ba kopanang natso ba bo ba tswa ka ditharabololo tsa tsone ba le seopo sengwe. Rre Mohutsiwa a re ba tla netefatsa gore melao ya lefatshe la Botswana e a obamelwa, e bile ba tla phuruphutsha ba ba tseneng mo lefatsheng leno e se ka fa molaong le gone go netefatsa gore madirelo a bojalwa a obamela dinako tse di beilweng. O supile gore go abela bana bao dimpho ngwaga le ngwaga go botlhokwa le fa di se kake tsa ba goga lobaka mme di tsisa monyenyo mo difatlhegong tsa bone le fa e le ka nakwana. Mo mafokong a gagwe a tebogo mongwe wa bakgweetsi ba dikoloi tse di pegang setshaba Rre Thoje Thoje o ne a lebogela ba komiti ya ipabalelo tseleng le baemedi ba maphata otlhe aa neng a ruthuntsha a kaya fa dithuto tseo le mosola le gore di tla tlisa pharologanyo mo matshelong ka di ba butse matlho mabapi le ipabalelo tseleng. A re molao-motheo wa Botswana o letlelela gore motho mongwe le mongwe o ka tsaya karolo mo ditlhophong. A re maikaelelo a diphuthego tsa gagwe e ne e le go lemotsha Batswana botlhokwa jwa go kwadisa ditsha le go ba itsise fa khansele e similotse go ba direla ditlankana (title deed) mahala. Rre Reatile o ne a abela kereke mpho ya kgomo, podi le nku fa mokhanselara Pule ene go boletswe a ne a ntshitse P500 go le pele go rotloetsa tiro eo. Lecheng o ipelela thobo Batswana ba rotloediwa go ikanya Modimo Go sale foo, Rre Molebatsi o gakolotse banni fa puso e tlaa seke e duelele balemi temo fa ba lema ba gasa go simolola ka paka e e tlang ya temo, gonne go lemosegile fa go lema ka ditselana go na le maduo a mantle, ka jalo go ka seke ga tshelwa diketekete tsa madi ka motlhobodika ka go rotloetsa mekgwa ya temo e e sa busetseng jaaka wa go gasa. O ne a tlhalosa fa ba itemogetse fa beng ba diterekere bangwe ba sa lemele batho sentle mme se se tsise thobo e e ko tlase fela thata. Mme Koobonye o tlhalositse fa leina Mosadi o Ruta Mosadi bale tlhophile ka e ne ere fa ba kopane ba fane maano le dikgakololo tsa go itshetsa. Se se ne sa mo gwetlha gore a fetolele go bopa go nna kgwebo. A re ngogola o ne a ya go supa ditlhare kwa ditshupong tsa temo-thuo mo Tsabong, mme a ikgapela maemo a ntlha ka setlhare sa Elephant, mme a fetela kwa Gaborone kwa dikgaisanyong tsa makgaolokgang. Mme Keena Kearabile a re ba amogetse dithuto e bile o dumela gore ke boammaruri bangwe ga ba dirise ditsela sentle. Ba kopiwa go dirisana le makalana Fa a rurifatsa tshwetso eo, rrangwanaagwe Kgosi yo mongwe, Rre Slumber Sebele, o supile fa tshwetso eo, e ne e sena marara ape ka ntlha ya go bo ba itlhalogannya. Ipelegeng e siame e senngwa ke batho Ka nako eo letlhakore la ga Rre Phologo la bo le sena kemedi. Puso e oketsa dituelo O akgotse Dijamogopo Cultural Society go bo ba tshwere ka thata gore letsatsi la ngwao le atlege. E rile a ntsha la gagwe, Tona ya Ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Mokgweetsi Masisi a re bogosi bo tswa goo lowe e le bone bo sireletsang setshaba jaaka go itshupile ka go lwela kgololesego ya lefatshe la Botswana. Fa a bua kwa tirong eo e e neng e tshwaretswe kwa kokelwaneng ya motse wa Tsamaya, Mme De’Ath o ne a bolela fa ba leka ka bojotlhe go thusa ka fa ba ka kgonang ka teng go tlhomamisa gore batho ba ba tshelang ka diemo tse di bokete le bone ba akola botshelo. Ke romilwe go tswa kgotla kgolo ya ga Mmangwato, e e tsamaisang bogosi jwa ga Mmanagwato go tla go tsaa leina la kgosi yo a tlaa bewang. Mme Tuduetso Segosebe o ne a re gompieno ka thulaganyo ya ga molaodi go buiwa ka dikgotlana fela. Rre Jibichibi o rotloeditse balemi go lema ka ditselana, a bolela fa mokgwa oo wa go lema o ntsha thobo e ntsi fela thata. A re dikotsi di tsweletse ka go bolaya batho mme tshaba ya lefatshe leno e iketlile fela a re ke nako ya gore mongwe le mongwe a nne le seabe go netefatsa gore dikotsi di a fela. A re lephata la boipelego le tlaa tlhoka P17 504 050, la thuto P7 368 600, la madi P6 038 830, la dikago P6 234 020, la molao P4 927 180, la tsamaiso ya khansele P5 851 990, la matlo le tlhokomelo ya one P1003 810. O tsweletse ka gore motlobo wa dibuka o fa bana lesedi la thuto mme a supa fa sekole sa gagwe se le motlotlo go bo Professor Agreement Jotia, yo e bileng e le ngwana wa motse wa Letsholathebe, a abetse sekole sa bone dibuka tse di balwang le tse di rutuntshang bana go taka tse di lopileng P7000. Dr Mokuhwa a re go kgethololwa gape go tsisa ditlamorago tse di seng molemo ka jaana go dira ba ba kgethololwang gore ba ikobonye mme ba ikgogele morago mo go batleng kitso ba phuthologile mo go ba botsogo. O ne a ba gwetlha go tswelela ba etela diofisi go ithuta go le gontsi ka ditirelo tsa puso. Mokhanselara wa kgaolo ya Tidimalo, Rre Solomon Dikgang, o ne a botsa Rre Moswela gore tota gatwe ditlamelo tsa nyeletso lehuma di diiwa ke eng go goroga kwa bathong, a supa gore fa e sale batho ba kgaolo ya gagwe ba ile go rutuntshiwa kwa Sehonou, ba ntse ba lebile tsela gore ba fiwe ditlamelo tse gone go tile ba tla a thusiwa ka tsone. Mothusa molaodi wa kgaolo potlana ya Mahalapye, Mme Malebogo Ramatu, o kgaletse ditlhogo tsa maphata a puso le khansele go tlhoka go tsena diphuthego tsa komiti ya ipabalelo tseleng ntswa lephata lengwe le lengwe le tshwanetse go nna leloko la komiti eo. E re ka Setswana se re setshwara ke ntsa pedi ga se thata, le ntswa Lekolori a ne a setse a kgobokantse madi, kitso le botsipa jwa go simolola kgwebo o ne a ikopanya le tsala ya gagwe ba simolola kgwebo ya dijo kwa Gantsi. O ne a kgothatsa thata ditlhopha gore mo nakong ee tlang ba godise dtlhopha tsa bone tsa polka ka go dira maitiso ka seo se ka thusa thata mo go kokoanyetseng ditlhopha tseo madi ba sa gaisane mme gape le tsela nngwe ya gore ba itsane ,go ithekisa le go go godisa serudumo sa mmino oo. Ba tlhalositse fa madi a ba a boneng a tlaa ba thusa go ora molelo wa mariga bone le ba gaabo ka jaana ba dumela gore le bone ga ba na go tlhoka le yone melora tota. Thuto e fa motho sebaka sa go phadisanya le ba bangwe, bogolo jang fa ba batla tiro. O tlhalositse fa dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse, morafe le makhanselara ba tshwanetse go buisana pele ga ba ka isa kopo kwa ofising ya gagwe. Go ya ka pego ee tswang ko lephateng la botlhophisi, tlhopho e tlaa tshwarwa kgwedi ya Hirikgong e tlhola malatsi a le lesome le bongwe ngwaga o o tlang Pego e e tlhalosa fa motlhopisi mogolo a tlaa amogela maina a bontlhopheng kgwedi ya Sedimonthole e tlhola malatsi a le masome mabedi kwa sekolong se se botlana sa Otse. Bagolo ba ke Mme Gaboipolelwe Tshwenyego yo o dingwaga tse di masome a matlhano le bongwe, Mme Tshekiso Ntoba yo o dingwaga tse di masome a robabobedi le borobabobedi ga mmgo le Mme Agnes Jase yo o dingwaga tse di masome a matlhano le botlhano. Ka jalo o kopile bakgweetsi go dirisanya sentle le bone fa ba ba emisa ka maikaelelo a go lekola dikoloi tsa bone gore a di siametse go ka dirisiwa gape o gwetlhile bakgweetsi go emisa go nwa bojalwa fa ba kgweetsa. Mo go tse dingwe o ne a tlhalosa gape gore banka eo e santse e sekaseka go tsisa ditirelo tsa yone kwa Tsabong. O kaile fa letlhoko la koloi e e ka ba isetsang morogo kwa mmarakeng le lone e le kgwetlho a tlatsa ka go tlhalosa fa mo bogompienong ba rekisa thobo ya bone mo banning ba Tlhomadithotse , ba ba tlang kwa tshimong gotla go reka, gammogo le bomme ba ba rekisang merogo kwa mmolong ba ba rekang ka dipalo ebile ka seelo se se kwa godimo ka le bone ba rekela thekiso. Mogokgo Willie o kgothaditse baithuti go nna le lenyora la thuto, ka e le yone fela e ka dirang gore ba fetole itsholelo ya kwa ba tswang teng go na le go inaakanya le botlhokatsebe. Mme Kesenye o tlhalositse gore lephata la thuto le taboga ka moono wa Delivering the 21 O lebogetse dikhamphani tseo go thwaraganela thuto le puso ka go tsisa dithuto tse di maleba. Rre Bashingi o tsweletse a tlhagisa ba ba inaakantseng le go reka lefatshe la morafe mo bathong bangwe gore ba itse fa go dira jalo ele go latlha madi ka go sena ka fa thulagango eo eka tsepamisiwang ka teng mme ele tlolo molao. Rre Reatile o buile jalo kwa kgotleng kgolo ya Ga-Ngwaketse jaaka dikereke di ne di kopanetse teng go rapelela molelo wa kgolagano. Fa a tswa la gagwe, motlhokomedi wa dikago wa SHHA mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone, Rre Malarky Keareng, o ne a tlhalosa fa ba filwe tiro ya go aga matlo a le lesome le botlhano go simolola ka Sedimonthole ngogola mme ba setse ba kgonne go wetsa a le mane a a lopileng P136 000 go ya kwa go P150 000. O kopile batsadi go sala ditaelo tsa ba booki morago di tshwana le go kentiwa ga ngwana le go sa tlodisa ngwana sekale. Rre Kaboeabodimo a re Batswana ba lesego ka ba na le Tautona yo o kgathalang ka matshelo a batho, a re motho mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le bonno jo bo lolameng. Nata e tla nna kgaolo potlana Moanamisa mafoko wa Eloyi, Rre Alex Keakantse, o lebogetse phuthego go tsaya matsapa, go latela lentswe le le buang tshokologo le boikotlhao. O ne a kgothatsa banana ba ba santseng ba le ka fa tlase ga dingwgaa tse di masome mabedi le botlhano go inaakanya le go tsena sekole go betla bokamoso jwa bone. O ile a tsaya sebaka go leboga botlhe ba ba tsentseng letsogo mo go thuseng batho ba kgaolo ya Palapye ka matlo, badirela puso le madirelo a a ikemetseng le a a tlhakanetseng ditsamaiso le puso. Ka Mosupologo kwa metseng ya Gobojango, baithuti ba feta makgolo a mane ba ne le bone ba abelwa paka fa kwa Molalatau go ne ga fiwa ba feta makgolo a marataro. Mmakaseterata o tlaa rola tshekatsheko A re ba itlhamele dikgwebo ka di ka ba tshetsa, jaaka fa ene a ipelege ka ya gagwe, ka e mo direla madi a itshetso. O ne a tlhalosa gore matlo a barutabana a fera bobedi le matlo a boitiketso tsone di tlaa agwa ka lenaneo la ditlhabololo la NDP11. Kgosi Oletsositse Mosweu wa Dukwi mo kgaolong potlana ya Tutume, o supile fa mananeo a nyeletso lehuma a dirile pharologanyo mo matshelong a bangwe Batswana ba ba ntseng ba tshelela mo lehumeng. Mongwe wa banni ba motse oo Rre Nkong Tawana le ene o ne a bua a sa kgwe mathe ka go gola ga borukutlhi jo bo bakiwang ke tlhaelo ya mapodise. Superintendent Maniki a re dikgang tsa go nna jalo go thata go ka golagana le mapodise a Interpol go ba thusa go tshwara dirukutlhi tsa go nna jalo ka ba sa itse gore batho ba teng ke bomang. Mokhanselara wa Maunatlala Rre Samuel Morebodi o kopile balemi go tsaya dikgakololo tsa go tlhabolola temo ya bone. Ba kopiwa go ikgolaganya le morafe Rre Pagiwa o tsweletse a re gore maikaelelo a bone a atlege banni ba tshwanetse go ba ema nokeng, jalo a ba kgothatsa go ikitaya ka thupana go tsenya letsogo mo go baakanyetseng boipuso ka jaana bo ama Motswana mongwe le mongwe go akarediwa banana le bagodi ba ba diretseng lefatshe leno ka bokgabane gore le nne se le leng sone mo nakong eno. O kopile banni ba ba nang le masimo mme ba sa a dirise gore ba a adime ba ba nang le kgatlhego ya go a dirisa. Mogokgo a re seo se thusa thata gore ba tle ka maduo a a nang le boleng, a re segolo bogolo motho yo o rutang bana ba lekwalo la bone go ya kwa go la bosupa ene o tlhoka kemo nokeng e e tseneletseng go dira ka natla. Tlhokomelo ya bana e ba rotloetsa go ntsha ga tshwene O solofeditse gore ba tlaa sala ba tlhokometse mpho eo. A re komiti ya bone e e kopana kgwedi le kgwedi mme ba ise pego kwa kgosing ya motse wa bone. A re ba nale makgobokgobo a mantle a go utlwalang jaanong a tla kwadisiwa ke ba lephata la ditso go nna a a sireletsegileng lefatshe ka bophara. E ne ya re ka Matlhatso banni ba Jackalas 2 ba thologela kwa kgotleng go tsena phitlho ya kgosi ya bone: Kgosi John Jackals. O ne a gatelela botlhokwa jwa tekodiso ka dinako tsotlhe gore morafe o nne le kitso ka dithulaganyo tse di dirwang di akaretsa madi a a kokoanngwang ka leina la morafe wa Bakwena. Rre Kwerepe a re mo nakong eno, mohama wa thuo ga o na dipoelo ka ntata ya go tlhagoga kgapetsa-kgapetsa ga bolwetse jwa tlhako le molomo fa mohama wa temo le one o lebanwe ke kgwetlho ya diphologolo tse di senyang mo masimong. Rre Vraay o ne a kaya fa gape barui ba palelwa ke go tlhokomela dipitse tsa bone gore ba kgone go itepatepenya le tebego ee batlwang mo dipitseng ka ntlha ya dijo tse di ba turelang ka ba di ba di reka kwa lefatsheng la Afrika Borwa. O tsweletse a re ba tshwanetse go bereka thata bas a eteletsa dingongorego kwa pele go re ba lemogiwe gape gore ba seka ba tshaba go supa gore ba a kgona. Mogare o bifela pele-Sisila O boletse fa go tlhoka go tsena diphuthego ga batsadi ele nngwe ya ditsela tse di kgotlelang setho sa baithuti le go ama maikutlo a bone. Dipatlisiso tse di dirilweng ke ba lekalana la BOPA di supa fa molelo wa kgolagano o tlaa goroga mo kgaolong-potlana ya Mahalapye ka kgwedi ya Seetebosigo o tla o tsamaya le metse e tshwana Shoshong, Tobela, Mmutlane, Bonwapitse, Kalamare, Mahalapye, Phallaroad, Mmaphashalala, Mookane, Mmamabula le Dibete pele ga o fetela kwa kgaolong ya Kgatleng. O tlhalositse fa sekole se leka ka thata go lwantsha kgang ya go ima ga baithuti, a supa fa mo ngwageng wa 2016 go nnile le dikgetsi tsa boimana di le masome a mabedi le borobabongwe fa ka 2017 di le lesome le bobedi, mme monongwaga ba setse ba gatisitse di le thataro. Rre Matara one a lebogela mokhanselara wa bone gobo a iphile matsapa a go ba lekola. O tlhalositse fa BMC e baya ditlhwatlhwa e lebile gore yone e rekisa nama ka bokae, ka jalo fa barui ba re ga ba rekisetse BMC ba tshwanetse ba itse gore ga gona tlhwatlhwa ya kgomo epe mo lefatsheng leno e e fetang ya BMC. Ba ba neng ba tsene moletlo ke diopedi di akaretsa Tankiso, Lebohang go tswa Lesotho le setlhopha sa Wisdom go tswa Swaziland. Rre Majaha o supile fa dikotsi tsa tsela, Botswana jotlhe di nnile 411 mo ngwageng wa 2013, mme tsa nna 377 ka 2014 a tlatsa ka gore mo ngwageng ono di setse di le 86. Se se builwe ke molemisi wa kgaolo ya Machaneng, Mme Kebaemetse Motemane kwa masimong a Tumasera/Seleka kwa balemi ba neng ba fiwa dithuto ka didirisiwa tsa temo, methale ya temo le go somarela bokgola mo mmung bosheng. A re e ne ya re ka 2012, a tsaya tshwetso ya go ipulela kgwebo ya go apaya go bapa le tsela ya Thamaga/Moshupa gaufinyana fela le motsana wa Goo-Kodisa; selo se a tlhalosang fa se dirile gore a nne le theko e e botoka. O ne a tlhalosa gore fa ba ka tlhwaafalela dikgwebo tsa bone ba ka kgona go tlhama diphatlha tsa mebereko mme se se ka thusa go fokotsa letlhoko la ditiro mo kgaolong ka ponyo ya leitlho. Mme Seetapele o ne a re batho ba tshwanetse ba tsaya malebela mo go ba LEA mme e bile ba itse fa go se mpho epe e e ka galalwang. Maloko a mokgatlho wa Botswana Retired Nurses Society kwa Francistown a rotloeditse bagodi ba Bluetown go tsaya kgato ka botsogo jwa bone. Phenyo e tlhoka tshwaragano - Kwelagobe Banni ba Setsile kwa kgaolong ya Legare ba inaakantse le mananeo a puso go itlhotlhora lehuma. Mopalamente wa Letlhakeng Botlhaba, Rre Liakat Kablay o ngongoregile ka kgodiso ya bana mo kgaolong ya gagwe, a re go lebega e le yone e e alosang badisa le babelegi ba bana ka jaana fa motho a batla modisa kgotsa mmelegi wa ngwana o tla mo kgaolong ya Kweneng. E rile go lemogeng fa bomme bangwe kwa Machaneng ba lebanwe ke kgwetlho ya letlhoko la ditsompelo ka nako ya fa ba imile le ka nako ya botsetse, bodiredi jwa kokelwana ya Machaneng bo tshwaragane le banni bangwe ba motse, ba simolodisa mokgatlho o o tlaa tswang bomme bao thuso. Inspector Tshotlego Kgobero a re lekawana la Etsha 13 le le dingwaga tse di masome mabedi le motso (21) le fitlhetswe le akgega mo setlhareng sa lelwapa le ba nnang mo go lone kwa Jorocha bosheng. Mopalamente o ne a tlhalosa fa molao o mongwe e le o o fetolang molao wa sesole sa Botswana, o mo go one masole a maemo a mabotlana jaanong ba tlamegang go tlogela tiro ba le dingwaga tse di masome a matlhano go na le pele mo ba neng ba patelesega go tlogela tiro ba le dingwaga tse di masome a mane le botlhano. A re tshwaragano ya batsayakarolo ke selo se se botlhokwa se se ka ba kgontshang go lwantsha bogodu jwa diteemane. Tona o tlhalositse fa a tlhaloganya dikgwetlho tse di amang lephata jaaka tlhaelo ya boroko, bodiredi, didirisiwa le seemo sa diofisi. Rre Ralotsia o ne a supa fa go tlhokega gore banni ba fetole ka fa ba lebang ka teng kgang ya go tshela mmogo le batswakwa ba ba tseneng mo lefatsheng leno e se ka fa molaong. Kgosi Garebakwena o tladitse ka gore,o tla fitlhela seemo se ngwana a kgonang go tsosiwa bosigo gotwe rraagwe o tsile a tsoge a mo apeele, seemo sa go nna jalo se kgona go koafatsa thuto ya ngwana ka gore fa a re oa robala, o tshwanetse go tsoga jaanong a ya sekoleng. Mogokgo wa sekole se se botlana sa Serameng kwa Metsimotlhabe, Rre Elias Segwagwe, o kopile gore bana ba gakololwe ka thupa, a fa bopaki ka ene gore mo bonyennyaneng jwa gagwe o ne a sokololwa ke moretlwa. Re itemogetse gape gore go botoka go rua podi go na le kgomo ka e tshabelelwa ke go amiwa ke bolwetse jwa mabele jo go le gantsi bo dirang gore e rekwe ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase, a tswelela a tlhalosa. Mme Roberts o ne a tlhalosetsa batsena dithuto puisano tseo fa lekana la MVA pele ga le ka thusa yo o amegileng ba tlhokana le bosupi jo bo tswang kwa go ba botsogo le ba sepodisi go rurifatsa tiragalo eo. Botlheba ba tsweletseng ka go araba kopo ya ga Tautona ya go thusa ba ba tlhokileng lesego ba tlaa duelwa ke Rraetsho yo o kwa legodimong. Mopalamente Salakae a re go tlhokega gore morui o ka kwadisa lesaka la gagwe kana sediba, dikgomo tsa gagwe tsotlhe di bo di na le manyena a bo omang le gore a nne ka dinako tse tsotlhe di beile dibuka tsa gore o tlhokomela jang leruo. Mme Kachana o bile a kopa batho ba ba olelang matlakala go nna kelotlhoko gore ga ba tsenye thura mo ditankeng tsa matlakala, a re se se ka nna borai le mo go bone ka dikoloi di ka tuka di ntse di tsamaya. O akgoletse se puso e se dirang go lwantsha mogare ka ditlamelo tse e di tsisang mo setshabeng mme o tlhalositse fa Botswana ba ka bolokesega fa ba ka tsaya ditshwetso tse di siametseng matshelo a bone. O ne a supa gape fa go itlhatlhobela mogare le gone go sa nametse ka jaana 86 per cent ya batho e itlhatlhobile ebile ba itse seemo sa bone sa mogare fa 14 per cent yone e le mo lehihing hela, ka jalo a gwetlha botlhe go tsaa maikarabelo go itse seemo sa bone ka jaana moo go le botlhabetsi mo kanamisong ya mogare. Banni ba kopiwa go tlhoafalela thuto ya bana Monana yo o tlhalosa fa go atlega ga gagwe e le go bo a ne a eteletsa lerato, bopelotelele, boineelo le gone go dira ka botswapelo mo kgwebong ya gagwe. Bangwe ba ba neng ba tsene moletlo oo, ke mothusa kgosi ya motse wa Masunga, Kgosi Thabo Monaga le molaodi wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Keabetswe Lesiela, ba ba galaleditseng maiteko a badiredi ba lephata leo mo kgaolong, ba ba gwetlha go tswelela ba bereka ka thata. O tlhalositse fa kopo ya gore sekole se sebotlana sa John Phoko se agelwe ntlo ya badisa dikago e atlegile, a tlatsa ka go re madi a a setseng mo letloleng morago ga ditlhabololo tsotlhe tse di dirilweng ke P7 436. O tsweletse a re ke thuto ya ntlha e ba e dirileng mme ba tlaa tswelela le dithuto tse dingwe tse di latelang e ntse e le ka methale ya segompieno ya temo. O kaile fa a solofela fa dikolotsana tseo di tlaa nolofaletsa badirisi ba tsone le batlhokomedi ba bone botshelo ka jaana bana ba bangwe ba ba neng ba amogela dimpho tseo ba setse ba godile, A re ka jalo ga go bonolo mo batlhokomeding ba bone go a ne ba ba kuka go ba isa gope kwa ba tlhokang go ya teng.Go sale foo, mookamedi wa ditirelo tsa botsogo wa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Mme Rhodah Phindela o ne a akgolela ba mokgatlho wa Rotary sesupo seo sa lorato. Fa ba akgela, bangwe ba batsena phuthego ba ne ba akgola komiti ya Bathoen Trust ba re go lebega e tlaa isa morafe golo gongwe. O rurifaleditse kokoano ya badumedi fa Modimo a ne a sena thulaganyo epe ya gore o ka tsenwa ke makoa kana a aparwa ke malwetse mme a gwetlha phuthego go ema kgatlhanong le mmaba le go lwantsha segajaja sa HIVAIDS jo bo tsweleletseng ka go gapa matshelo a batho gammogo le go rapelela boeteledipele jwa lefatshe leno. O tsweletse a bolela gore kafa batsadi ba itshwarang ka teng kwa malwapeng, go ama thuto ya bana, a tlatsa ka gore baithuti bangwe ba kwa dikgolegelong ka ntata ya go inaakanya le ditiro tsa borukutlhi. O tsweletse ka gore, kgwebo e, go ne ga lemosega fa jaanong thekiso ya tonki e ne e dirwa thata ebile e rotloetsa bogodu jwa tsone mo go neng go ka baka go nyelela ga seruiwa se mo dikokomane di neng di ka sefitlhele sepe mo isagong. Gape a re mo mading a ditlhabololo tsa kereke ba dira ditiro tsa bopelotlhomogi di tshwana le go abela ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng, ka jalo a re ba setse ba abetse sekole se segolwane sa Maikano paka ya sekole ga mmogo le go aba dikobo kwa Old Naledi. O tsweletse ka gore go itsa seemo sa letshololo o le kwa lwapeng o tshwanetse wa bo o na le motswako wa letshololo ka dinako tsotlhe, fa godimo ga moo go bo go na le pilisi ya zinc go siela ngwana fa a ka tlhagelwa ke letshololo. E rile a bua kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la motlobo wa dibuka bosheng, Mme Majoko a tlhalosa fa ba sena dikago tse di lebaganeng go nna lefelo la motlobo wa dibuka mme seo se sa ba kgoreletsa go ikakanyetsa go dira lefelo leo mo ntlong nngwe ya borutelo. Bokamoso jwa lefatshe la Botswana bo mo diatleng tsa bana, ke bone baeteledipele ba ka moso, ka jalo re le batsadi re tshwanetse go ikatumetsa bana ba rona le go ba rotloetsa, ga bua Kgosi Thwane. Seo se ne sa pateletsa gore e re morago ga go tlhomamisiwa ga motse, magosi go tswa kwa Serowe ba ikopanye le banni ba motse gore ba ntshe leina la yo ba bonang a ka etelela motse pele. A re o lemogile fa bana ba tshwara ka bonako tiro ya diatla go na le ya dibuka ebile go ruta ngwana khomputara a sa le mmotlana go ka thusa mo go tlhabololeng thuto gammogo le boranyane. A re go atolosa dikokelwana go tla bo go tla le kago ya matlo a bodiredi. Rre Ntlhaile o ne a bolelela banni fa jaanong ba tlaa tshwanelwa ke go duela lekgetho fa ba isa loruo lwa bone kwa matlhabelong a Botswana Meat Commission. Kgosi Mosinyi Mosinyi wa Shoshong o ne a lebogela tiro e e dirilweng ke ba kereke ya Roma, a re e supa fa mowa wa boutlwelobotlhoko o agile mo dipelong tsa bone. O kgothaditse batsadi go ba ema nokeng kwa sekoleng go tshwaraganela bana ba sekole ka botswapelo. A re ba tshwanetse go rapela gore Modimo a ba sireletse mo malwetsing le dikotsi tsa tsela a re ba ka kgona fela ka tshwaragano ya dikereke. O ne a tlhalosa gore gase ditiro dipe tse di ka opelwang legofi.Are go botlhokwa gore ba tswe ka mananeo a a ka tlhabololang toropo eo. Rre Keitsetse o boletse gore go simolola kgwebo ya mofuta o, ba ne ba gwetlhilwe ke go lemoga fa batho ka bontsi mo kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami ba reka matlapa kgakala thata jaaka kwa Aferika Borwa. A re mo nakong eno, Nata o santse a thusa batho e le service centre. O ne a kgothatsa banni bao go somarela mananeo ao fa ba sena go a abelwa gore ba ikapole lehuma le gone go itshedisa ka tsa thuo. O kopile setshaba go ikela tlhoko mo dilalomeng a bo a gakolola setshaba go tsamaya ka digongwana. Le fa go ntse jalo, Rre Thokwane a re ga a kitla a boela kwa morago ka jaana a ikiteile sehuba go fitlhelela toro ya gagwe ya go tsamaisa kgwebo ya dijo. Mme Boingotlo a re dipoelo tse dingwe o di dirisa go duelela bana madi a sekole mo go salang a go ise ko sebolokelong sa gagwe kwa bankeng. Ke ne ke le mo koloing yame ke utlwa sengwe le sengwe se ba se buang. Mme Tendani o tsweletse ka gore mo kgokgontshong e mo go yone go nang le matshosetsi a dipolaano ba thusa ene yo o tshosediwang ka go mo sireletsa; selo se a supileng fa ba se dira ka go fa motho wa go nna jalo botshabelo jwa nakwana. Fa a akgela mo mogopolong oo, mokhanselara wa Masunga Rre Elias Mbonini o ne a kaya fa banni ba metse e e farologanyeng mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba sa le ba supile fa e le keletso ya bone gore maloko a dikomiti tseo a atswiwe. E rile mo potsolotsong bosheng motshwara madi wa mokgatlho,Mme Kgakgamatso Koobonye, a tlhalosa fa mokgatlho o tlhamilwe ka ngwaga wa 2012. A re lefatshe leno le humile mme mahumo a teng ga a tswele Batswana mosola ka bontsi bo tshelela mo lehumeng. Mafoko ao a boletswe ke modulasetilo wa komiti ya bomme ba Domkrag, Mme Dorcas Makgato fa a ne a rola Rre Majaga semmuso ka Tshipi. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Reginald Mudongo o ne le ene a lebogela dikolotsana tseo, a re di tlaa thusa thata ba ba di abetsweng.Rre Mudongo o ne a gwetlha ba mokgatlho wa Rotary go tsweledisa tiro ya bone e ntle ka go ya go thusa le kwa metseng e mengwe ya lefatshe leno. Mo phuthegong eo, morafe o ne wa tlhopha batho ba le bane ba ba tlaa yang go kopana le ba bogosi, mapodisi, ba lephata la boipelego le ba lephata la botsogo le boitekanelo mabapi le dikgang tse di tshwenyang mo kgotlaneng ya bone. Kgang e nngwe e e neng ya kopelwa gore bogogi jwa khansele bo e tsibogele ke ya kokelo ya Palapye le sekole se segolwane sa Mabogo. O ne a supa fa mo dikotsing di le lesome tse ba setseng ba di kwadisitse, go setse go tlhokafetse batho ba le babedi mo go tsone. Seemo se sa go reka leruo le le sa fetang ka matlhabelo ga se a siamela bareki ka ba reka nama e e sa tlhatlhojwang, a tlhalosa. Mme Lorekang o tlhalositse gore se se lemotshega ka jaana balwetse ba nna ba boela gantsi kwa bookelong ka ngongora e le nngwe fela. O tlhalositse fa ba tlhaelelwa ke babereki ka jaana motho a le mongwe mo lekalaneng a lebagane le go thusa kgaolo ya Boteti yotlhe fa makalana a mangwe a sena batho gotlhelele. Bangwe ba buile fa mo dingwageng tse di fetileng ba kile ba bo ba lema thata mme ba robe thobo e nametsang mo ba neng ebile ba rekisetsa baba sa lemang. Mapodisi a Middlepits a tiisa baithuti moko Moeteledipele wa legotla la borre la Men and Boys for Gender Equality, Rre Desmond Lunga a re letsholo la Monna tia le rotloetsa borre go gakololana go ikgapha mo ditirong tsa kgokgontsho. Kgosi Malope o amogela ditanka O ne ntsha karata e tshwantshitswe sekano sa jeke ka jalo a ba kaela gore fa ba tsena kwa matlhophelong ba kgwarinye sefapaano go bapa le sekano seo sa jeke ya Domkrag. Keamogetse o gweba ka dinotshi Rre Tsheole o tlhalositse fa dipeo tseo e le tsa mabele a a dirang bojalwa e bile di sa siamela go jewa. Kgosi Dijeng kgosi tlhalositse fa a tshwengwa ke gona mo majalweng ga banana mo areng go ba dia go tsaya mananeo a puso. O tsweletse ka go tlhalosa fa tiro ya temo e le tiro e e tlhokang motho yo o tlhaga gore e kgone go ntsha maduo , mme ka ene le mosadi wa gagwe ba tswa kgakala ba dira ka diatla a e ise e ba tsenye dingalo. Mo potsolotsong bosheng, Rre Satomana o supile fa dikgomo tse di senyang di sa tlwaelesega ka o kare ke diphologolo gonne fa motho a tla gaufi le tsone gore a bone letshwao, di sia mo e leng gore o salang fela o gakgametse. Kgosi Moremi a re Tautona ga a tle go etela metse epe e mennye mme o tlaa bo a le fela mo dikgotleng tse di tona. Mokhanselera wa Lerala Botlhaba, Rre Kabo Ketshogile, ene o ne a kopa gore Lerala e akarediwe mo metseng e e tlhokomelwang ka ditlamelo tsa bolwetse jwa letshoroma, ka go sena ngwaga ope o bolwetse joo bo seyong mo kgaolong eo, a re montsana o montsi kwa Lerala. O ne a tlhalosa fa ofisi ya boipelego e bereka ka natla go netefatsa fa e thusa baikopedi ka nako le go ba kanoka. A re metsi ke selo se se botlhokwa fela thata mme kgwedi e kgona go wela go sena nko e tswang lemina, go supa fa go na le mathata a a tlhokang le tharabololo ka bonako. Go tswa bogologolo bogadi e ntse e le karolo e kgolo ya lenyalo mo Batswaneng le MaAferika ka kakaretso le ntswa bo bitswa ka maina a a farologaneng jaaka lobola, malobolo jalo jalo mme fela e le selo se le sengwe, se se tlhalositswe ke kgosi ya Omaweneno mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa. Go botlhokwa go nwa dipilisi ka fa tshwanelong Mme Segokgo o tlhalositse gore moletlo o tshwaretswe kwa kgotla kgolo ya ga Ngwaketse kwa Ntsweng go simolola ka nako ya borobabongwe mo mosong go fitlhelela ka nako ya bongwe. O ne a supa fa phadisano e ya go nna mashetla, mme a kopa kemo nokeng ya batlhophi ba gagwe le gore ba mo gololele mowa ka dithapelo, a bo a re fa a ka bona maemo ao, go tlaa re ba itlhophele moemedi yo bone ba bonang a ka ba emela kwa palamenteng. O kaile fa Ipelegeng ele yone e ba itshetsang ka yone ka go sena ditiro ntle le Ipelegeng kwa Mmamojewa.Rre Mojose o ne a kopa mokhanselara gore a ba kopele terata ya kgaoganyo mahudiso le go hatolola letamo la Mmamojewa. Puso e tlaa ntsha P570 million Moranang a rogwa, mme kgaolo nngwe le nngwe e tlaa fiwa P10 million, a tlhalosa. A re madi ao ke a dirilweng ka moletlo wa Makgadikgadi Epic kwa Nata Sanctuary ngogola. O tlhalositse fa ba ne ba tlamega go aga ntlwana eo, ka bontsi jwa banni ba ne ba tshwenngwa ke matlakala a a tswang kokelong a a neng a kganelwa ke terata ya dikago mme bana ba nna ba tshameka ka one. A re go tlaa dirwa matshwao a a kgalemang go leswafatsa noka mo tseleng e e yang koo go tlhagisa badirisi ba yone ka bodiphatsa jwa go e leswafatsa. Fa a tlhalosa mo dithuto puisanong tse di neng di tshwaretswe ko masimong a ga Rre Robert Marutshe bosheng, mogolwane mo lephateng la temo thuo, Rre Suberee Kapeko, a re go itumedisa fela thata gore ere le ntswa pula ene ele boutsana masimo a bo le a le mo seemong se se nametsang. Semela se se tlhoga gongwe le gongwe mo motseng le kwa nageng gantsi mme se bonwa mo Kgalagadi mme se borai mo mothong fa se ka mo tlhaba fa a tsamaya ka lonao ka gore se na le mutlwa o mosesane o le kgolokwe gape o le monnye . Mo go ya tlhaelo ya bodiredi, o tlhalositse fa sepodise se na le kgwetlho e kgolo ya tlhaelo ya boroko. Rre Kebonang o tlhalositse se mo phuthegong ya baagi ba Tsholofelo mo kgaolong ya Gaborone Bokone bosheng. Ka jalo o kopile mopalamente gore dikeletso tsa morafe di nne di tsibogelwa. A re o lemogile bokgoni jwa gagwe jwa go dira ka diatla ka 2010, a le kwa Tutume mme ya re go boeleng ga gagwe mo Serowe ka 2012 a ngoka banni ba bangwe go dira setlhopha. Le fa go ntse jalo, setshaba se nna se kgothadiwa gore se seka sa tsaya se e le seipato go ikgaratlhela ka motlapele a rile maano a botshelo ga a site go sita a loso. A re ba tlhama dipina tse di nang le molaetsa o o ka agang,. A re ka go lemoga fa ba Lecheng ba tsaya le go reetsa ditaelo tsa balemisi ba ne ba ya go dira ditekeletso tsa dinawa dingwe kwa Lecheng. O boletse fa komiti e, e ne ya tsamaya mo metseng e tshwana le Tonota, Serowe le Lerala. A re morago ga dithuto ba tlaa bo ba ithulaganya ba bo ba bolotsa letsholo la go lwantsha motlhwa mo masimong a bone ka o ba feleditse dijalo. Mothusa tona a re lekalana la LEA gape le thusa dikhamphani tsa Batswana gore di ka bona mmaraka jang le gore di ka tsweledisa dikgwebo tsa tsone jang. A re e ne e le kgosi e e nang le kagiso a itse tiro ya gagwe e bile a e dira ka botswerere Le fa go ntse jalo o kopile morafe go tshwaragana, mme ba goge morafe ka mowa o le mongwe jaaka Kgosi Jackalas a ne a dira. Mo dikgannye tse dingwe, Dr Venson-Moitoi a re o belaela gore ka lekgotla le le ikemetseng ka nosi la ditlhopho le ne la fokotsa mafelo a matlhophelo, batho ba itsapa go ikwadisa, mme a solofetsa gore kgang ya teng ba tlaa leka go e bua le lekgotla gore a ba ka seke ba oketse mafelo ao. O gakolotse banana go tlhaloganya fa kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho mme fela boitshoko e le yone tsela ya go di fenya. E rile banni ba ntsha matshwenyego le dingongorego tsa bone mo phuthegong le mopalamente wa bone Rre Isaac Mabiletsa, ba supa fa motse wa bone o sena tswelelopele ka o tlhaelelwa ke ditlamelo le ditlhabololo. Balemi-barui ba kopiwa go tsaya mananeo ka tlhwaafalo Mme Alone a re, Ga ke a tsena sekole mme fa ke le kwa court o tla re gongwe ke morutegi tota. Ba boletse fa metse ya Mmathudukwane le Malolwane e tlhabologile go ba feta ntswa ba le fa gare ga yone; mme ebile ba supa fa ba le sebete se molangwana ka kgang eo. First National Bank Botswana Foundation, e abetse baithuti ba sekole se sebotlana sa Struizendam kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa ditlhako tsa sekole. Kosi a re bogadi bo ntshiwa fa Rre le Mme ba tsena mo nyalong kana fa Rre a batla go tsaya bana bape ba a ba tshotseng kwa ntle ga lenyalo go ba tlisa ka fa tlase ga gagwe. Rre Lesedi o gwetlhile barutabana go lemotsha batsadi, batlhokomedi ba bana le bone bana tota ka go ba rutuntsha ka bodiphatsa le ditlamorago tsa tiriso ya bojalwa le diritibatsi. Mme Tshireletso o dirile kgothatso e mo diphuthegong tsa kgotla tse mo go tsone a neng a lekodisa batlhophi ba kgaolo ya gagwe ka dikgang tse di buisantsweng mo palamenteng e e fetileng le go tsaya megopolo go e isa kwa phuthegong e e tlang ya palamente. Modulasetilo wa komiti ya balemi barui kwa Matsiloje, Rre Simon Lephato a re maiteko a ba a dirileng go lwantsha seemo sa borukuthi ja molelwane e nnile go tlhoma komiti e e akaretsang borara ja motse, badirelapuso le boemedi go tsweng kwa Zimbabwe le banni ba motse, maikaelelo e le go tla ka megopolo go ka laola seemo. Fa ba ba kgwa dikgaba, banni ba ne ba supa fa ba sa itumedisiwe ke lobaka lo loleele lo ba lo nnang ba sa bewe ditsha, ba re se se baka gore ba felele ba nna le batsadi ba bone mo malwapeng. Moswi o tlhokafala jaana a le dingwaga di le 95 morago ga go lwala. A re dithuto tse o di dirile kwa polasing ya Matlolakgang ka 2005. Mme Toto a re le ntswa go na le dikgwetlho, kgwebo ya gagwe e dira sentle. Rre Gaobuse Mogolwane le ene o amilwe ke go tla ga moepo kwa Medie ka jaana a tseetswe lefatshe go sutela ditlhabololo. Rre Maele yo a neng a patilwe ke mopalamente wa Shoshong Rre Dikgang Makgalemele le modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Ngwato, Rre David Modisagape, o boleletse batho ba ba neng ba tsene phuthego eo gore dingwe tsa dikgang tse di apesitseng lephata la gagwe e bile di mo tlhokisa boroko e le tsa tshenyetso setshaba, go aba lefatshe ka tshokamo, go amogela pipa molomo ga badiri le tiego ya go abiwa ga ditsha tsa bonno le dikgwebo. A re motlobo wa dibuka o rotloetsa bana go nna le kgatlhego ya go bala ba santse ba le kwa tlase. Rre Tsogwane a re melapo e borai ka gore e kgona go tla e rwele metsi a mantsi le ntswa pula e sa na ka bokete mo lefelong leo. Ba kopiwa go duelela ditsha O tlhalositse fa a dirisa dipoelo go tlamela ba lelwapa la gagwe ka ke ene motlhokomedi a le nosi. Kgosi ya Naledi, Rre Anold Somolekae a re go a itumedisa go re kgotla ya gagwe e gatetse pele go gaisa dikgotla tsotle kwa Gaborone ka go sekisa ditsheko ka bontsi. Fa a latlhela la gagwe, morutabana wa tsa bogakolodi le tshidilo maikutlo, Mme Thelma Mahloane o ne a bolela gore maikaelelo a bokopano jo ke gore batsadi le barutabana baitse tse di solofelwang gore ba di dire gore thuto ya bana e siame kgotsa e nne le maduo a a nametsang. Borre Ba UCCSA ba a itshekatsheka Alebert Gaoleboe a re maikaelelo a bone ke bereka ba ntsha maduo,ba kgorelediwa ke mathata a go tlhoka go lekolwa ke bagolwane go lekodisa ka matshwenyego a bone,atlatsa ka gore kgaolong ya bone gae a siama ka jalo dikoloi tsa bone di tlhoka go rekelwa dithaere tsa boleng jo bo ko go dimo gore di tseye seka. Ba botsogo ba etse seemo sa COVID-19 tlhoko Mogolwane wa banka eo Rre Boikhutso Tekane o buile seo morago ga mogwanto o o duelelwang wa dikhilomithara di le masome mabedi kwa sekole seo. O tlhalositse gore mo motsing wa Mabutsane kereke ya Unity e simologile ka ngwaga wa 1963 moeteledipele wa yone e le moruti Mongwaketse Thuku a tloga a tlhatlosiwa maemo go nna mookamedi, mme mo nakong eno e leng Bishop, fa maemo a bookamedi a ntse a tshegeditswe ke moruti Kabunyane Thuku yo o tlhokafetseng bosheng. Mme Gare o loga ditlatlana, maseka, meseme le mekgabisa ya mo matlong. O ba kgothaditse go tswelela ka mowa oo wa go aba mo lefatsheng leno ka bophara. Majwe a, a a bidiwang Carnalian, Botswana Pink le Agate, a bonala thata mo kgaolong ya Bobirwa. Le fa go ntse jalo, o supile fa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone ele morafe mo gongwe go dirwa ke boitseme jwa sepodise. Mopalamente o ne a araba ka gore seemo sa tlhaeolo ya metsi se etswe tlhoko ebile semo lenaneong la go baakanngwa. O boletse fa a eletsa go godisa kgwebo ya gagwe mme a batla go ikopanya le ba lenaneo leo go mo okeletsa ka a batla go lema dijwalo ka go farologana dile dintsi, mme go ka nna molemo fa ba ka mo thusa bogolo jang ka mathumpho a a nosetsang ka a batla go lema thata mariga ka a le botoka gona le selemo. E rile Kgosi Kalanke a tswa la gagwe a bolela fa go na le batho bangwe ba ba tlhotlheletsang kgotlhang fa gare ga gagwe le mokhanselara ka maikaelelo a go menola bogosi jwa gagwe. Babereki ba ne ba rolela tona matshwenyego a bone a akaretsa tlhaelo ya diofisi, didirisiwa, boroko, metsi, dikoloi le kapari ya tiro. Rre Bagakolodi Motsamai wa ofisi ya tokafatso maduo ya lephata la kabo ditsha kwa Serowe, a re ke tshwanelo ya bone jaaka maphata a puso go thusa ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. Rre Ngaka a re morafe o tshwanetse go nna le seabe go lwantsha kgokgontsho ka e ama maduo kwa dtirong le botsogo jwa yo o kgokgontshiwang, a tlatsa ka gore e ka ama le yone itsholelo ya lefatshe tota. Sefala sone se tsenya dipeo gore di seka tsa jewa ke tshupa kana tsa senyega ka bofefo. Rre Kebonang a re mongwe le mongwe o ka tlhama kgwebo, ka jalo go le botlokwa gore bangwe ba tlhame ditiro, go thusa puso mo tshokolong ya letlhoko la ditiro. Baithuti ba leboga lephata la thuto A re puso e tsaya dikgwebo tsa Nyeletso Lehuma ka tlhoafalo ka go ba fa sebaka sa go gweba fa puso e na le tiro e bile mo ke tsela nngwe ya go rotloetsa dikgwebo tsa bone. O tlhalositse fa a ne a ithuta botsipa jwa go loga ditlatlana mo tsaleng ya gagwe mme a simolola kgwebo e ka 2002. Rre Kgoroba are e tlaabo ele go ikgatholosa tsamaiso jaaka moteledipele wa morafe go e ma nokeng palo potlana ya bao ba ipayang lefatshe kgathanong le bontsi jo bo letile ka boineelo go diragadiwa ga tsamaiso ya peo ya ditsha.BOPA O kopile banni gore fa ba kopana le ditholo tse kwa masimong a bone, ba di bolae mme ba itsise kgosi yo le ene a tla bitsang lephata la diphologolo le makgabisa naga. Mme Mabunu a re ere ntswa letseno le a neng a le bona mo semausung le ne le se kalo, o itemogetse tiego ya theko mo dilwaneng dingwe ka jaana di tlhwatlhwa tlase mo lebentleleng le. O tlhalositse fa kgwebo e le botoka ka a ka se ke a lale le tlala, mme a gatelela fa theko e le botoka fela thata mafelong a kgwedi le ka nako ya ditshupo. Modulasetilo wa mokgatlho wa batsadi,barutabana le baithuti, Rre Galenyadiwe Odigetswe o supile fa nako e tsile gore sekole sa Mothamo se itsewe ka tse dintle go na le tse di maswe tse ba itseweng ka tsone mo motseng wa Moiyabana. Rre Thapedi o tsweletse a re bothata jo bongwe jo botona jo bo mo sekoleng sa gagwe ke boimana jwa bana ba sekole. O ne a tlhalosa fa tiro eo e ka nna ya simolola morago ga Mopitlo. A re ba tsenye letsogo, ba thuse gore boipuso jotlhe bo atlege. A re go dira jalo ke sekao sa gore dikgang tse ke tsa Batswana botlhe. E ne e rile ngogola ka kgwedi ya Lwetse Batswana go ralala lefatshe leno ba tshwara dithapelo sebaka sa kgwedi go lopa Modimo go kolobetsa lefatshe ka jaana seemo sa komelelo se ne se setse se tsere phekelo e sele. Rre Motoma a re mokgatlho o tlaa nna o amogela matshwenyego otlhe a ba-na-le-bogole. Kgosi Retlhatloleng o tlhalositse gape gore dikgang tsa go nna jalo di ama bana ba ba tshotsweng ka gore fa monna a tlhokafala, ba masika a monna ba ikgagapelela dithoto tsa moswi mme se se baya bana ka fa mosing.O kgapetse ntle dikgang tsa gore seemo se se bakwa ke gobo mo malatsing a gompieno magadi a tura fela thata. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Manake Bakani o supile fa ba sa itumedisiwe ke go diega ga dituelo tsa Ipelegeng. Banni ba dikgaolwana tsa Kabakae, Kgaphamadi le Khurakhura mo kgaolong ya Ghanzi Botlhaba ba kgothaditswe go kwadisa ditsha tsa bone e le tsela ya go fefosa ditlhabololo. Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, o kopile baeteledipele ba dikereke go kgothatsa maloko a bone go itlhatlhobela malwetse gore dingaka di kgone go lwantsha malwetse ao a ise a jwelelele. Tona wa ditsha le matlo, Rre Prince Maele, o laetse badiri le maloko a makgotla a kabo ditsha go gagamaletsa setoropo Batswana ba ba palelwang ke go tlhabolola ditsha tsa bone gammogo le ba ba inaakantseng le go gweba ka thekiso ya lefatshe. Bareki ba rona ba duela ka madi a Ipelegeng, mme motho fa a ka seke a thapiwe mo nakong e e rileng, re nna nako e telele re letile gore a tle go duela, Rre Mbise a tlhalosa. Mme Maseko a re letsatsi le letsatsi batho ba amega mo matshelong a bone mme ba thusiwe mme se dire gore go nne le se ba mokgatlho wa Sefapaano se Sehibidu ba se dirang go ama le go boloka matshelo jaaka go aba madi a mmele, thutuntsho ya thuso ya ntlha, le thuso ka dinako tsa dibetsa tsa tlholego. Batho ba ba tshwanang le ba, tona a re ba tshwanetse go akgolwa. O kopile setshaba go thusana le mapodise le masole mo go lwantsheng borukutlhi ka ba ka seke ba kgone go dira tiro eo kwa ntle le tirisanyo le setshaba. Kgosi Ramokwena a re gompieno jaana ba tshela le kgomo mme ga e na boleng ka jaana ba aperwe ke leuba e bile bontsi jwa leruo bo sule ka dipalo tse di kwa godimo. Monni wa Kanye, Rre Mpho Kenosi o ne a re e re ntswa ditlhabololo di se kake tsa kganelwa, go botlhokwa gore ba bue tse di siameng le tse di sa siamang. Mme Nthabi are manokonoko a a tlisiwang ke kgokgontsho ga a babalele fela ba ba kgokgontshiwang mme a ama gape le goromente ka kgokgontsho e baka ditshenyegelo tse di bakiwang ke go tlhotlhomisa dikgang tsa go nna jalo kgotsa ditsheko ke ba sepodise,ditshenyegelo tse di amang tshidilo maikutlo ya ba ba kgokgontshiwang, tiriso ya ditsompelo tse dingwe jaaka dipalamo le ditshenyegelo tsa tlhokomelo ya bongaka le kalafi e e fiwang ba ba gobetseng ka ntlha ya kgokgontsho le yone tatlhegelo e e bakiwang ke go latlhegelwa ke bonatla le botlhaga ga ba ba kgokgontshiwang mo ditirong. A re ka go twe tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, o kwataboloditse kitso ya go loga mo go mmaagwe go simolola ka 1974 a le dingwaga tse thataro. Rre Mokgolele o ne a kopa Batswana go diragatsa mowa wa kutlwelobotlhoko ka go thusa ba ba wetsweng ke seru ka dipe fela tse ba ka di kgonang. A re batswakwa, bogolo jang basweu, ba rata maseka a gagwe. Mogokgo wa sekole seo, Mme Dyzene Mannathoko o tlhaloseditse BOPA fa sekole sa gagwe se ne sa latswiwa ke tlhware morago ga gore ba FNBB ba bone go le botlhokwa go abela baithuti ditlhako. Mopalamente wa kgaolo ya Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse a re go amogela diphetogo ga se selo se se motlhofo le mororo di na le bomolemo mo go tlhabololeng tsamaiso. Lekolori ke mmantswitswidi wa kapei E rile ba ntsha la bone, banni ba Ghanzi ba supa fa ba itumeletse go bo mopalamente a tsweletse go nna a ba lekola le go tsaya megopolo mo go bone, ba re ba itumelela thuto ka kgomo ka e le yone e ba ikaegileng ka yone mo kgaolong e bile ba na le tsholofelo e ntsi gore e ka ba tshetsa. Seabe kana lorato le le tswang mo setshabeng se ka dira gore dikhutsana le masiela ba gole sentle ba na le boikarabelo, ba lemoga gore ba na le boleng mo setshabeng. O boletse fa mananeo a tshwana le ISPAAD a ntsha Batswana mo lehumeng fa ba a dirisa sentle e bile a ka ba direla mebereko le go ntsha dijo. O supile fa banana e le bone ba leng bantsi mo lefatsheng ka bophara mme se se raya gore ke bone baeteledipele ba nako ya gompieno e bile ba na le thata le bokgoni jwa go dira pharologanyo mo tsamaisong ya lefatshe. Mo go tse dingwe, Kgosi Ramokobetwane o supile fa a tshwenngwa ke seemo sa borukhutlhi se se golelang pele mo motseng. Mme Motemane a re balemi ba tshwanetse go jala dijalo tse di kgonang go lepalepana le diphetogo tsa loapi tse di akaretsang mogote o o feteletseng le dipula tse di boutsana. Thoko e golola Nfila mo go ramatheka A re dipolasi tsa puso di hirisitswe mme ga ba tlhaloganye tsamaiso ya phiriso eo gore le bone ba iteke lesego. Mo go tse dingwe, modulasetilo o supile fa khansele-potlana ya Letlhakeng e ne e tseneletse dikgaisanyo tse di rotloetsang boitekanelo tsa kgwele ya dinao, bolotloa le volleyball kwa kgaolong-potlana ya Mogoditshane kwa ba neng ba dira sentle thata teng. Mapodisi a kopa badirisi ba tsela go ipabalela ka malatsi a Keresemose Se Dr Moreki are se ne sa gwetlha puso gore e tsibogele seemo ka go fitlhetswe di ne di bolaiwa bosetlhogo jalo go rekisa matlalo a tsone a go utlwalegang a rekwa ka ditlhwatlhwa tse di ko godimo thata ko mafatsheng a Asia go dira melemo. Se se boletswe ke mogolwane wa lephata la botsogo mo kgaolong ya Letlhakeng, Dr Terrence Mokuhwa, mo segopotsong sa mafatshefatshe sa bolwetse jwa AIDS, kwa Ditshegwane. Le fa go ntse jalo, Kgosi Segotsi o boletse gore Kgosi Kgamane a re fa banni ba ka tshwara ditlhopho mo kgotleng tsa go tlhopha kgosi, jaanong banni ba tlaa bo ba sa tsepama mo tsamaisong ya bogosi. O gakolotse batsadi go potlakela kwa go ba botsogo fa ngwana a tlhagelwa ke bolwetse go na le go ya kwa dingakeng tsa setso. E ne ya re mo malatsing a le mabedi pele ga letsatsi la moletlo la Phalane a le malatsi a le mararo, ga nna le ditiragalo dingwe tse di neng di akaretsa maitiso a ngwao, dikgaisanyo tsa mabelo, le metshameko ya dibolo ka go farologana. Mme Ramosoka le Mme Moatshe ba re ba setse ngwao morago, ka jalo ba dira ditlatla le difala go tla ba di supegetsa dikokomane tse di tlang kwa morago ka go lebega ngwao e ntse e phirimelelwa ka bonya ka bonya. SACP Dimeku o boletse fa ba ne ba kgobokanyetsa dimpho tse madi ka go dira maitiso le go ntsha mo dipateng tsa bone, morago ga gore ba ikopanye le ba ofisi ya Boipelego go thusana ka megopolo. Makhanselara a kgaolo potlana ya Letlhakeng a re ga a itumedisiwe ke seemo sa metsi le ditsela mo kgaolong ya bone. Rre Phuthe o ne go na le ba e reng ba sena go rekisa ditsha, ba ye go batla meriti ya ditlankana tsa bone kwa lekgotleng la kabo ditsha, a re go dira jalo ke boferefere mme batho ba go nna jalo ba tlaa tseelwa dikgato. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Dimpho Lefhoko a tlhalosa fa ba bona phetogo e ntsi mo maduong a bana fa e sale lenaneo le simolodisiwa. Mme Tshireletso, yo e bileng e le mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, o boleletse banni ba Shakwe le Makwate fa e le tshwanelo ya bone le ba dikomiti tsa ditlhabololo ga mmogo le makhanselara go tswa ka megopolo ya ditlhabololo tse di ka fiwang maemo a ntlha fa go dirwa lenaneo la ditlhabololo tsa setshaba tsa bolesome le motso (NDP11) le mo lenaneong la ditogamaano tsa dikhansele la (DDP8). Rre Ntwaagae o ne a tlhalosa fa mokoba o o metsi o kgona go betla metshe. Rre Boko o buile jaana mo puisanyong le babega dikgang mo Maun bosheng pele ga go tshwara phuthego ya phatlalatsa ya sepolotiki. Fa a araba dipotso, Rre Boko o ne a supa gore diphathi tsa sepolotiki di tshwananetse go nna seopo sengwe, a re diphathi tse di mo bokopanong tsa Botswana Congress Party (BCP), Botswana National Front (BNF), Botswana People’s Party (BPP) le Botswana Movement for Democracy (BMD) di tsene ka diphatlha tsa tsone mme fa go tlhokafala gore go bulwe phatlha e nngwe gore phathi e ntsha ya Alliance for Progressives (AP) e tsene ba tlaa dira jalo ka manno a le mantsi. Thulaganyo ya go isa ditlamelo kwa Sheerwood e simolotse mo ngwageng o o fetileng mme ka mafelo a beke, banni ba le 152 ba ne ba itlhatlhobela mogare wa HIV . O ne gape a re go botlhokwa gore e re makhanselera a goroga morago ga ditlhopho a rutuntshiwe ka ditsamaiso le melawana ya khansele, gore ba itse tse ba tshwanetseng go di dira. Rre Lesedi o tlhagisitse fa ba na le boikarabelo jwa go ema bana nokeng gore ba fetse dithuto sentle le go netefatsa gore ba itekanetse e bile ba ikgapha mo tirisong ya nnotagi le diritibatsi. Selalome se tshwerwe A re lenaneo la Ipelegeng le tsweletse sentle mathata ke gore kgaolwana ya Mmatshitswane e tona mme ba fiwa palo e potlana go e hira. Rre Motoma a re gape mokgatlho o o eletsa go bona ba-na-le-bogole ba akola thuto e e maleba e bile ba kgona go akola le mananeo a a ka tokafatsang matshelo a bone. A re mo go nna motlhofo fa balemi ba dira molaletsa. E rile fa a bua mo potsolosong bosheng, Rre Phia a re le fa lenaneo la Ipelegeng e se tiro ya sennela ruri, le thusa ba le bantsi e bile le ntsha maduo a mantle mo motseng wa bone. O boletse gape fa monna wa dingwaga tse di masome mararo le boraro (33), le ene a ikgapetse botshelo mo kgotleng ya Boseja kwa Qangwa, mme a tlatsa ka go supa fa ba ise ba tlhomamise se se ka tswang se bakile tiragalo eo. Badiralapuso ba maphata a a ka fa tlase ga ofisi ya ga Tautona kwa Tutume ba kopilwe go ntsha ga tshwene mo tirong nngwe le nngwe e ba e dirang. Makhanselara a ne a amogela mogopolo o o neng o tla ka mokhanselara Rre Abel Moleloba ba supa fa o tlhamaletse ebile o ka fetola le selebego sa khansele. Kgosi Pilane a re molelo o o tlhagolela tsela boipuso jwa masome matlhano ka kgwedi ya Lwetse mme seo se mosola fela thata ka jaana se supa kgolagano le popagano e Batswana ba nnileng le yone go tloga ngwaga wa 1966. Are Rre Kaodimba o ne a fefogela kwa go yone go kgatlhantsha bapagami. A re go tsibosa borre ka botlhokwa jwa ditirelo tsa mokgatlho wa bone e ne ya re bosheng ba tlhama komiti e e tla bong e itebagantse le dikgang tse di amang borre. Rre Nkgowe o lebogetse seabe sa bomme ba mo kgwebong ya gagwe e bile a tlhalosa fa tirisano mmogo ya bone e gola ka nako tsotlhe. Le fa go ntse jalo, Tona Ralotsia o kopile ba ba nang le masimo ba sa a dirise go adima ba bangwe ba ba nang le pelo ya go lema gore le bone ba solegelwe molemo ke mananeo a puso. Rre Bonolo Moanaphuti a re, Fela jaaka leruo lengwe le lengwe le tlhokana le go tlhokomelwa ke mong ka go le fa dijo le metsi, le dinotshe re di lemela dijwalo ka gore notshe ke setshidi se se itshetsang ka dithunya A re ngwaga o ka e ne e le o monamagadi, ba ne ba kgona go lema diekere di le tharo tsa dinawa le tsa mmidi di le pedi, selo se a supileng se nnile le kgolo mo thobong ya dinotshe fa a tshwantshanya le dingwaga tse di fetileng. Rre Kgosiitsile a re ba kgonne go penta le go tsenya lebati kwa kgotleng ya Serumola. O tlhalosa fa Tautona a neetse lephata la dikgaolo le tlhabololo magae boikarabelo jwa go bona gore ditiro tsotlhe tse di neng di saletse morago ka ntlha ya tlhaelo ya madi di a diragadiwa ga mmogo le go tlosa melala ya batho ba ba neng ba tshwanetse go thusiwa ka lenaneo la nyeletso lehuma mo ngwageng wa madi 2015/16. A re le fa motho a se na se a ka thusang ka sone, go supa mowa wa lorato ke selo se se molemo. Dikai tse dingwe tsa kgokgontsho ya tsa tlhakanelo dikobo ke go itseela dikobo ka dikgoka mo baneng ba dingwaga tse di ka fa tlase ga lesome le borataro e e tlwaelesegileng ka go bidiwa defilement ka puo ya seeng, go tlhakanela dikobo le ba lesika kgotsa ba o tshotsweng nabo e ka nna ngwana, kgaitsadio, ntsalao, malomaago, motsadi wa gago jalo jalo, a tlhalosa. A re mo nakong eno ga gona diphaephe tse di isang metsi a letamo leo mo kgaolong ya Bobirwa, a supa fa metsi a letamo leo a kgabisitse fela gona le gore a kabo a nowa ke batho ba dikgaolo tseo. A re ba dira jaana ka go reka dikgomo tse di jeleng omang mme e bile di bitsa leina la mong wa tsone fa di balwa ka motshine wa bakenti. Kgosi Seretse o ne a supa fa a tla ka thomo, go tla go tsaya leina la yo ba eletsang a ka nna kgosi. Mokhanselara Tshenyego one a ba gakolola go se kgobege marapo mme ba tswelele ka mowa wa boipelego o ba tswang kgakala ban a le one. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Monwane mo kgaolong ya Kweneng ka Labobedi, tona wa lephata leo Dr John Seakgosing a re go isa ditlamelo kwa bathong mo lephateng leo go kgorelediwa ke sebaka se dikoloi tsa lone di se tsayang di isitswe kwa CTO go baakanngwa. Ba re le ntswa mopalamente wa bone yo gape eleng kgosikgolo a tshware ka natla go emela dikeletso tsa bone kwa palamenteng, go botlhokwa gore morafe le one o mo eme nokeng ka jaana a ka se kgone a le nosi. O tlhalositse gore bane ba thusiwa ka pane ee apayang borotho (oven), setofo sa gase sa matshego a mabedi, mochine yoo dubang borotho, ditafole tse pedi, ga mmogo le motshine yoo tlhatlegang metsi le madi a P4 000, go simolodisa. A re go nnile gape le molao o o itebagantseng le bogodu ja leruo ka go lemosegile fa leruo le le botlhokwa fela thata. Bangwe ba ne ba kopa gore ka ntlha ya seemo seo, puso e sekaseke go oketsa lemme la lenaneo la ipelegeng go thusa Batswana gore ba seka ba wela mo isong. Rre Seretse o rurifaditse kgang e morago ga gore monni mongwe wa Mahetlwe e bong Rre Babedi Keabilwe a ngongoregele gore ga a kgotsofalele ka fa bommaboipelego ba dirang ditshekatsheko tsa lenaneo la nyeletso lehuma ka teng. Maemo a bobedi a ne a tsewa ke masaka a Mmatshepe le Motshegaletau kwa khanseleng potlana ya Serowe. Mokhanselara a re ga a robadiwe ke ditsela tsa kgalapitse le Nkudila tse di yang masimo ka ke gone kwa Batswana ba dirang botshelo teng mme le batho ba dirisa ditsela tseo go rwala thobo ya bone. Bangwe ba buile kwa masimo ba iphotlhere fa ba ba neng be ora molelo wa mariga ba tsena mo seatleng. Rre Masisi o ne a akgolela badiri ba Ofisi ya ga Tautona go nna le seabe mo go direleng setshaba ka go tlhakana le sone, ka go dira jalo go aga tirisanyo le tshwaragano. Kgosi Charles Koitsiwe wa Broadhurst mo Gaborone a re ga a itumedisiwe ke go bona batsadi bangwe, bogolo jang banana ba atisa mokgwa wa go akaretsa bana mo dikgotlhannyeng tsa bone. Mokhanselara Rakgomo o ne gape a lela ka banana a re ga ba tsene diphuthego. A re ka tsamaiso ya Setswana mo seemong se se tshwanang le seo batsadi ba gaabo mosadi ke bone ba ba tshwanelwang ke go tshwara tsamaiso ya lenyaolo go fitlhela ngwana mongwe wa mosetsana a nyalwa mme ba tseye magadi ao go emisetsa jo rraabone a sa bo ntshang mme go tsweng foo ba gaabo monna ba ka simololang go tsaya boikarabelo jwa dinyalo tsa bana bape ba ba tlaa latelang ka jalo bogadi jwa ngwana wa mosetsana yo o nyalwang pele bo rekolola bana ba ba setseng go tswa ko go boora mosadi go ya kwa go boora monna. O lebogetse gore e re ntswa seemo se ne se fatlha mo mosong wa letsatsi la Matlhatso, go ne ga nna le tirisanyo mmogo, batho ba tlhaloganya seemo se lefatshe le iphitlhelang le le mo go sone, ka jalo seemo sa boela meriting mo tshokologong. Fa a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Goo-sekgweng, Mokungwane, Goo-tau le Manaledi bosheng Rre Maele o boletse fa Ipelegeng e le lenaneo le puso e neng ya le dira go namola Batswana mo lehumeng mme go na le ditsetlana tse di tshwanetseng di salwe morago. Kgang ya atlholwa mme e ne ya dira gore ka gore e ntshitswe ke kgotla kgolo ya ditsheko e diragadiwe. Banni ba motse wa Morwamosu kwa kgaolong ya Jwaneng-Mabutsane ba boleletse mopalamente wa bone, Rre Shawn Ntlhaile, fa motse wa bone ona le kgwetlho e tona ya tlhaelo ya bodiredi jwa sepodisi. Go na le dinako tse dingwe tsa go itapolosa mo dithutong tsa khomputara ka ngwana a ka se tseye nako e telele a le mo khomputareng, a tlhalosa. A re ba ne ba tsaya tshwetso e ka ba ne ba babalelwa ke ditlhwatlhwa tsa dijo mo marekisitsong ntswa ba na le bokgoni jwa go di itirela. A re, mapalamente a 20 fa makhanselara a le 198, a supa fa dipalo tseo di godile fa go tshwantshanngwa le tsa 2009. Mogokgo wa sekole se segolwane sa Mookane Junior Secondary School, Rre Emmanuel Kwape o supile matshwenyego ka botlhokatsebe jo bo diragalang mo sekoleng sa gagwe, segolo bogolo go ima ga baithuti. Baikepi o tshela ka legong Go isa ditirelo kwa setshabeng go botlhokwa Rre Tsogwane, yo o neng a etetse lelwapa leo ka Laboraro, o tlhalositse fa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi le ene a itse ka mathata aa ba tlhagetseng mme le ene o rometse kgomotso. O ne bogolo thata a gakolola ba ba tla bong ba hirisitse dikoloi tsa mosepele o mo leele, gore ba fe bakgweetsi ba bone nako ya go ikhutsa, a tlatsa ka gore bogolo ba hire bakgweetsi ba feta bongwe. Rre Thiite o ne a gakolola ba ba adimeleng madi a SHHA go aga le go tlhabolola ditsha tsa bone le go a busa, ka lenaneo le le diretswe go thusa Batswana, mme madi one a ba a busang ke one a a adimiwang ba bangwe gore le bone ba itlhabolole. Banni ba kaile fa ditholo di tlola terata e ageletseng masimo mme di lale mo masimong a bone bosigo jotlhe. O buile jalo ka letsatsi la Tshipi kwa Kang kwa kgaolong ya Kgalagadi ga go tswalwa semmuso kgwedi ya merapelo. Mogokaganyi wa ofisi ya banalebogole Rre Thomas Motingwa o ne a leboga Tautona ka a ne a lemoga gore banalebogole ba bewa kwa mahuri mme a simolodisa ofisi ya banalebogole ka 2010 ka fa tlase ga ofisi ya gagwe. Rre Mbanga a re ba beile motse wa Nata mo mmepeng e bile e setse e le boremelelo jwa bojanala. Mo mafokong a gagwe a tebogo, modulasetilo wa komiti ya Pastoral Parish Council mo kerekeng eo, Rre Thato Tumaeletse o tlhalositse fa e ne ya re ka 2014 e le ba phuthego ya kereke eo ba tswa ka mogopolo wa go aga lefelo la thapelo la Grotto ka ba ne ba lemogile fa le le botlhokwa. E re ka phokoje go tshela yo o dithetsenyana ebile mokoduwe go thusiwa o o itekang, Batswana bangwe ba tsweletse ka go ikemela ka dinao. Mme Nkgokolo a re bana ba malatsi ano ba nwa bojalwa phetelela. O boletse fa go fudugela mo masimo a ne a bona a sa boelwe ke sepe a berekela go duela metsi fa e sale go tsaya kompone ya WUC go tswa mo khanseleng. Rre Motsewapuo o tlhalositse fa puso e ka seke e kgone e le nosi ka lebaka la letlhoko la madi. Kgaolwana ya MOKGADI, e bopilwe ka metse e le meraro ebong Mogapinyana, Kgagodi le Diloro. Molemi wa Palapye, Mme Tshegofatso Garethata, a re go lema ka pula ya ntlha le go kgaoganya temo go na le dipoelo tse di nametsang. E ne ya re a ba tlhalosetsa ka maikaelelo a go tlisa seromamowa kwa setshabeng, mogolwane yo o okametseng tsa lekalana le kgaso la RB, Rre Bofelo Rakgasa a tlhalosa fa maikaelelo magolo a tiriso ya seromamowa e le go anamisa mananeo a puso le go a isa kwa setshabeng go ba ruta ka one. A re setlhare se, jaaka go bolelwa ga se a siamela botsogo jwa batho ka go supagetse fa se koafatsa matlho ka nako e se ntshang dithunya. Modulasetilo wa lekgotla la baruti, Moruti Karabo Lekula o ne a tlhalosa fa maikaelelo le maikemisetso a lekgotla la bone e le gore dikereke di dirisanye gore kwa bofelong lefatshe le nne le kagiso. Mogokgo wa sekole se se botlana sa Dipotsana, Mme Violet Majagoba a re dikole di ka ntsha maduo a a botoka fa di tshegetsa ngwao ya Setswana, e gompieno go lebegang e nyelela ka monokela. O ba kopile go begela lekalana la tshenyetso setshaba fa ba lemoga tshenyetso setshaba le go tsibosa moeteledipele wa bone fa ba lemoga fa go na le mabeelo a tshenyetso setshaba gore mokgwa o o kganelwe. Seemo sa borukutlhi se tokafetse kwa Tsabong Rre Setabo o supile gape fa ba bonye go le botlhokwa gore bonnye jo ba nang le bone ba tle go bo ba bontsha, a supa fa ba solofela fa moletlo o o tlaa gola fa dingwaga di ntse di ya pele. Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo mothusa modulasetilo mo komiting ya ipabalelo tseleng mo kgalagadi borwa Assistant Supurintendent Keagetswe Lorato o ne a tlhalosa fa maikaelelo e ne e le go tsibosa bakgweetsi ka botlhokwa jwa go hema dikotsi le Go ba tsibosa ka ditlamorago tsa go tlhoka go kgweetsa sentle gammogo le go ba rotloetsa go nna le go tsaya boikarabelo mo go tlhomamiseng gore ga go direge dikotsi dipe gotlhelele. Ba re ba na le pelaelo ya gore go na le bangwe ba e leng dingaka tsa setso ba ba ka tswang ba thusa basetsana ba kgotla eo go senya boimana, Ba bolela fa go dira jalo go senya kgotlana ya bone leina. Bana bao ga ba bolo go tlhokomelwa ke lekgotla le ka 2007. Rre Mautle o tlhalositse fa thotloetso ya bone e ikaegile mo go reng bana ba tlhwaafalele go rutega le go ntsha maduo a mantle gore ba tle ba nne batho ba ba eletsegang mo setshabeng, a tlatsa ka gore seo se ka fokotsa dipalo tsa botlhoka tsebe le borukutlhi. Mme Gabathuse a re mapodisi ao a ne a ragosediwa kwa sekolong sa mapodise kwa Otse go ya go bona kalafi; mme morago ba ntshiwa. Mafoko a, a builwe ke mokhanselara wa kgaolwana ya Radisele, Rre Kgosiemang Monare kwa mogwantong o o neng o rulagantswe ke kereke ya UCCSA bosheng. Komiti ya Lephane e tlhoafetse Fa a ntsha leina la yo a tlaa nnang setilo sa bogosi jwa Talaojane, rrangwanaagwe kgosi, Rre Moji Moaro, o supile fa e rile morago ga sehuralo sa sa Kgosi Talaojane, botsadi jwa kopana, ba itshekatsheka gore ba bone yo o ka tsayang setilo. Mopalamente one a kopa sechaba gore fa gona le matshweneygo ba phuthuloge goa buwa, bogolo jang mo bodireding gore dilo ditle di tsamaisiwe ka tsela ee siameng. A re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a tsee boikarabelo jwa go somarela metsi gore a kgone go lekana mo nakong e a tlhokwang bobe. Lehuti le jelwe ke molelo Dibui tse dingwe di ne tsa kopa batlhophi gore ba seka ba tsiediwa ke diphathi tsa kganetso, ka go di tlhopha e tlaa bo e le go itlhaba ka ka thipa mpeng. A re tshwaragano ke phenyo. One a tswelela ka go supa ga lephata le tla ka metlhale e mentsi ya go tlhabolola temo mo kgaolong ntle le go ntle le gore puso e senyegelwe.A re puso e bone gole botoka gore dipeo dingwe di tshwana le mmidi di emisiwe go abelwa balemi ba kgaolo ya kgalagadi ka go lebega fa o sa dire sentle mo kgaolong ee. O boletse fa a eletsa go godisa kgwebo ya gagwe ka jaana e kgonne go mo tsenyetsa ngwana sekole le go tsenya phaletshe mo ntlong. A re banana ba gompieno ba pelo dikhutshwane mme mafoko a re Roma ga a agiwa ka letsatsi le le lengwefela. Mo go tse dingwe, Rre Goya o ne a itsise maloko a kereke fa puso e rotloetsa Batswana ka mananeo go ba ntsha mo lehumeng la nta ya tlhogo. Banni ba Pole le Masukwane mo Bokone Botlhaba ba ikuetse kwa mopalamenteng wa Tati Bophirima, Rre Biggie Butale gore ga ba bolo go letela tekodiso ka tsela e e gokaganyang Tshesebe, Mosojane le Masunga, segolo jang morago ga go gogela morago rakonteraka yo o neng a filwe tiro eo. Mongwe wa ba ba amilweng ke tiragalo eo, Mme Kelebogile Radikokwana o boletse fa matsubutsubu ao a ba tsere ka tshoganetso maitseboa a Labobedi. Rre Batshu a re kwadiso eo, e botlhokwa thata ka e thusa puso mo go logeng ditogamaanong tsa ditlhabololo tsa lefatshe di tshwana tsa thuto, botsogo le tse dingwe. Maele o galaletsa lephata la matimela O tlhalositse fa banana e le batho ba ba sa rateng go ithuta mo go ba bangwe ka ba le ditlhong e bile ba sena kgatlhego ya go itirela bontle mo botshelong. Rre Otshedisitse Sitang wa madirelo a Sitang Furniture Designs o rotloeditse banana go dirisa ditalente tsa bone go ipulela dikgwebo go na le go nna le keletso ya go thapiwa. Mogokgo o tsweletse a tlhalosa fa batsadi ba sa rotloediwe go direla bana ba bone tiro, ka a re go dira jalo go ka bakela moithuti mathata ka nako ya ditlhatlhobo ka o tlaa bo a sa tlhaloganya sepe ntswa a dirile sentle ka fa tlase ga lenaneo le. A re melemo ya dihutshane e turu mo di felelang di eswa ka dipalo tse di kwa godimo. Go tlhalosiwa fa metshameko eo e ne e rotloediwa ke lephata la banana, metshameko le ngwao le le ntsheditseng kgaisanyo eo P30 000, fa mabelo one a rotloeditswe ke First National Bank ka P180 000 go dirisiwa mo kgaisanong eo mo dingwageng tse tharo ka tatelano go simolola ka kgaisano ya monongwaga. Ba buile jalo fa ba akgela mo pegong ya ga modulasetilo. Mopalamente o ne a kopa batho ba kgaolo ya gagwe go amogela ditlhabololo tse di tlang, a re sejo sennye ga se fete molomo, mme a tlatsa ka gore go santse go le thata gore dikopo tsa bone di ka diragadiwa tsotlhe, mme fela fa madi a nna teng di tlaa nna di ketlolwa. O supile gape fa ba kgonne go araba ikuelo ya ga Tautona go neela bagodi gammogo le batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng lerato ka jalo a supa fa ba dirile moriti fa bagodi ba tlaa ikhutsang teng fa ba ya go amogela madi a bogodi. Kgang eo ya go thankgola modulasetilo e ne ya kgoreletsa dipuisanyo tsa khansele mo malatsing a mararo. Rre Davids a re boammaaruri ke gore motse wa Bokaa o godile mme go tshwanetse ga sekasekwa gore metsi a atolosiwa jang mo motseng gore a goroge le ko ditsheng tse disha tota. A re Batswana ba ba nnang kwa ntle ga lefatshe ba tshwanetse go nna sekao ka jaana ke bone ba ka supang botho jwa Batswana le go tshegetsa ngwao, e seng go kopisa dingwao tsa ditshaba disele. Mme Alone o supile gore ka nako ya fa a simolola tiro ya boithaopo o ne a lebogiwa ka P50 ka letsatsi mme mo nakong eno a oketsegile go nna P70, a supa fa madi ao a le kwa tlase fela thata. A re bojalwa joo ,jo banni ba motse ba bo bitsang Tipi ya Mokwatla, bo tsaya dioura di se kae fela bo bo bo setse bo siametse go nowa, ka jalo se se dira gore bo nne bo le teng ka dinako tsotlhe. O ne a gakolola Batswana, segolo jang banana gore ba seka ba iteba dinala, ba lebe tiro ya diatla e le bokamoso fa ditiro di santse di sa bonale. O supile fa maikaelelo a mangwe e ne e le go lemoga bana ba ba sa dirang sentle mme ba iteka le ba ba dirang sentle mo go tsa metshameko. O tlhalosa gore mo nakong e e fetileng banana ba motse oo ba ne ba dirisa lebala la sekole se sebotlana sa Mogonye mme mo nakong ya gompieno go sa letlelelwe gore ba ka dirisa lebala leo. Rre Madzinyane a re khansele e dirile tumalano le baikopedi gore ba ka busa madi a kadimo ka go duela kwa bankeng, kana madi a a ka gogiwa mo dituelong tsa bone kgotsa ba ka tla go duela kwa khanseleng. Rre Tumaeletse o ne a kaya tiro e kgolo ya komiti e a e eteletseng pele e le go buisana ka ditlhabololo tse di tshwanetseng go dirwa mo kerekeng, go phutha le tlhokomelo ya madi le gone go tshereganya mo dikgannyeng dingwe tse di ka tlhagogang mo kerekeng. O ne gape a supa fa peo e e jwadilweng ke Tautona e wetse mo mmung o o siameng, ka a ne a seka a nyatsa bokgoni jwa Batswana, a bona go le matshwanedi go ba ngoka le go ba gakolola ka letshego la boithaopo, mowa wa kutlwelobotlhoko le go aba. A re puso e tlaa sekaseka gore go ka dirwa jang gore batho ba tshele sentle le diphologolo, di sa ba senyetse e bile di sa tsenye matshelo a bone mo diphatseng ka jaana go nnile le dipego di le dintsi tsa go tlhoka go tshedisana sentle ga diphologolo le batho, segolo bogolo ditlou. Modulasetilo, Rre Kenabatho a re dingwe tse di tlaa dirwang mo tshingwaneng ya Eden ke temo ya merogo, ditlhare tsa maungo, thuo ya dihutshane le tse dingwe tse ba bonang di ka nna botlhokwa mo go tswakanyeng itsholelo ya motse. O ba tlhaloseditse gape ka tetla ya gore badirela puso ba ka dira dikgwebo mme fela fa ba filwe tetla ke mokwaledi mogolo wa lephata. Kgamane o bolotsa letsema A re dilo tse, di rwesa batsadi mokgweleo ka e le bone ba ba tlhokomelang bana fa go tlhagoga mathata. O gakolotse balemi kgatlhanong le go reka ditshefi tse di sa kwadisiwang ka fa molaong mo lefatsheng leno, a re tse di kwadisitsweng ga di borai thata fa di dirisitswe ka kelotlhoko. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e e itebagantseng le go rolela morafe ka fa dipaakanyetso di tsweletseng ka teng, Rre Kgaogano Pagiwa a re ba bereka bosigo le motshegare go rulaganyetsa moletlo wa maemo a ntlha o o tla natefisiwang ka metshameko ya ngwao e akaretsa morabaraba, diketo, dikhwaere, maboko gammogo le kapei ya dijo tsa Setswana, e le tsela nngwe ya go le busetsa seriti se se le tshwanetseng. O kopile barutabana go ikitaya ka thupana go ntsha maduo a tlhwatlhwa le gore ba tseye tiro ya bone jaaka pitso e e kgethegileng. A re ka jaana puso ya lefatshe leno e tseela kwa godimo go tlhabolola motho, ka jalo o itumedisiwa ke go bo lekalana la gagwe le le mo motlhaleng o montle wa go thusa mo maitekong ao. Re dumela gore, lefatshe le le santse le le lennye mo e leng gore rotlhe re ka leka go tsaya mananeo, ra a dirisa, ra tlhama ditiro, gore le rona mo botshelong re ka nna le ditsarona, a bolela. E rile a leboga mothusa tona, modulasetilo wa khansele potlana ya Okavango, Mokhanselara Samson Mauano a mo akgola go bo a kgonne go tlisa thomo mme a amogela dikarabo, mme a supa gore puso e kgathala ka matshwenyego a morafe. A re fa motho a opela pina eo, o tshwanetse a dira jalo ka tlhoafalo, e bile mafoko a yone a tshwanetse go tlhaba moopedi mo pelong. O ne a tlhalosa gore ba ne ba tswelela fela jalo mme e ne ya re morago ga dikgwedi tse thataro maloko a mane a ithola marapo a supa fa kgwebo e sena dipoelo tse di nametsang. Maina a baswi a santse a tshegeditswe go itsise ba masika. Ka thuso ya ba ofisi ya nyeletso lehuma ba khansele- potlana ya Good Hope, e rile ka ngwaga wa 2013 a ya go rutwa ka thuo ya dinotshi sebaka sa malatsi a le matlhano kwa Pelotshetlha. O ne a bua se mo bokopanong jwa khansele ya toropokgolo ya Gaborone. A re bone e le sepodisi ba leka ka go dira dikganedi tsa tsela le go ba otlhaya mme go lebega gore dikotlhao tseo ga di dire sepe mme o ne a kopa baruti go rapela thata a supa fa Modimo e le ene fela a ka kgonang tsotlhe. O tlhalositse fa a na le mowa wa lorato wa go rata merogo le ditlhare a di lema mme seo se tlile fela mo go ene e le toro abo a tswelela ka go dira, a re o sale a nna le lorato la temo go tswa bogologolong metsi a santse a laolwa ke khansele mme ditlhwatlhwa tsa one di le kwa tlase mme a sa lele ka dituelo tsa metsi. A re fa morafe o ka tshwaragana wa dira ka mowa o le mongwe go lwantsha borukutlhi mo motseng, go ka ba sologela molemo gore ba kgone go tshelela mo kagisong. Rre Maele a re go nnile le dipego di le dintsinyana tse di amanang le Ipelegeng di akaretsa go sa thapeng ka tsamaiso e e letlelesegang, go gana go thapa mabaka e le a gore yo o batlang go thapiwa o amogela madi a tantabala le go thapa ka lesika kana botsala. Kgosi o rotloeditse bagodi go itlhatlhobela malwetse ka go farologanya le go itse diemo tsa bone tsa botsogo. Kgosi ya Khudumelapye, Rre Edwin Ramokobetwane a re ga a itumedisiwe ke go gola ga dikgang tsa tlhalo kwa motseng wa gagwe. Moopedi o jesetsa babogedi ka mogopo o tletse A re Kgosi Telekelo o kopile gore baruti ba bue le diphuthego ba di kgothatse go dira loaro lwa borre lo lo babalesegileng, a re mme le ene o eletsa go bona baruti ba kgothatsa bana ba bone kwa dikerekeng gore ba ye go dira loaro lo. E re ka lefatshe leno le tsweleltse ka go itemogela kgolo ya letlhoko la ditiro,banana bangwe ba bone go tshwanela gore ba seka ba nna ka diatla tsa bone,ba ithele metsi mo ganong. Rre Osenoneng are mohero o o borai fela thata ka jalo ba tlhoka molemesi mo kgaolong yo o ka nnang gaufi le bone go ba rotloetsa le go ba fa bogakolodi jo bo lolameng ka twantsho ya dio di tshwana le tse. Molaetsa wa letsatsi o tlaa bo o tla ka mogokaganyi wa lephata la temo-thuo mo kgaolong ya Borwa Mme Monia Mfolwe. Fa a tswa la gagwe, mookamela FNBB la Jwaneng Mme Hildah Mooketsi o tlhalositse gore banka eo e ikemiseditse go tlhabolola matshelo a batho mme e phatlaladitse P2 million mono ngwaga lefatse ka bophara go thusa ba ba ’kobo dikhutshwane. A re e re le ntswa ba nna ba ntsha dikgakololo fa batho ba tsile go itlhatlhoba, ba tshwenngwa ke gore ba nna fela ba tlamela balwetse ba le bangwe fela. Bomme ba gatetse pele Mme Mogotsi o bile a ikuela ka letlhoko la dikago tsa puso mo motseng a re bodiredi jwa kgotla bo akaretsa mokwaledi, mapodise gammogo le badiri ba temo thuo ba kopanetse ofisi e le nngwe. Mo potsolotsong le moanamisa mafoko wa komiti e e rulaganyetsang tiro eo bosheng, Rre Dennis William o boletse fa tiro eo e ka bo e tshwerwe kgwedi eno ya Ngwanatsele e le lesome le botlhano jaaka ba lelwapa la bogosi ba ne ba eleditse mme ka ntlha ya go salela morago ga dipaakanyo ya tlosolosiwa. A re ba kopanele dikitso tse di molemo, ba gakololane, a re se, ke gone go fetola bosula go bodira molemo, ka maikaelelo a go aga sechaba se se rategang. O kopile mmatoropo go laletsa mopalamete wa kgaolo gore ba tle ba mo neele mofago wa go isa tshutiso eo kwa palamenteng ka jaana bone ba sena thata ya go fetola melao e e tlhomilweng ke palamente. A re moletlo oo, ke lengwe la maiteko a bone e le banana mo go nneng le seabe mo tsosolosong ya itsholelo ya toropo ya Selebi Phikwe. Batho ba le bane ba tlhokafaletse gone foo morago ga gore koloi e ba neng ba tsamaya ka yone ya Mazda 323 e e neng e tswa borwa e ya bokone e thulane le ya Nissan Tida e e neng e tswa bokone e ya borwa ka Labotlhano, dikhilomithara di ka nna lesome go tswa mo tseleng ya A1 mo Palapye. Go le gantsi batho ba dumela mo goreng ngwana o ka bona thuto e e lolameng fela fa a tsene mo dikoleng tsa sekgoa, kana a le mo mafelong a a nang le ditlamelo, segolo jang mo metseng e metona, seo se bo se rotloetsa boitseme jwa go dira ka natla ga bodiredi go ntsha maduo. O gakolotse borre ba ba iphitlhelang ba le mo seemong se go ikuela le go kopa thuso kwa diofising tse di maleba. Kwa bofelong Rre David o ne a kopa setshaba go tlhagola dijarata tsa bone, go tswala mabati le matlhabaphefo mo matlong a bone ka go le tlhaga e ntsi thata morago ga go na ga dipula tse di masetla tse di neleng mo ngwageng ono. Ba Itholoke ba ne ba ikuela gore kokelwana ya bone e atolosiwe e bo e tsenngwe motlakase le mo matlung a badirelapuso. Kgotla ya Talaojane, e wela ka fa tlase ga Kgotla e tona, ya Maaloso, e e nang le dikgotlana dile masome a matlhano le bobedi. Le fa go ntse jalo, barui ba buile maikutlo a a farologaneng. Baemedi gotswa kwa koporaseng ya balemi ya MOSISEDI ba kgothaditse ba serowe borwa go tshwara ka thata mme bare go botlhokwa gore ba ikopanye mme ba itirele thuto-seka dipuisano ka dikgwetlho tse ba kopanang le tsone. Rre Kwape o tlatsa ka go re barutabana ba bokaedi ba tshwere phage ka mangana go nyeletsa botlhokatsebe jo mme ba dira se ba tshwaraganye le mokgatlho wa PACT o one o fang baithuti sebaka sa go tlanyatlanya dikgang tse di ba amang ka bobone. O tlhalositse fa a santse a tlhaelelwa ke didirisiwa tse a ka godisang kgwebo ya gagwe go ka rekisetsa dikolo, mabentlele ga mmogo le dikokelo ka botshe jo jwa dinotshi bo tlhokafala mo botsogong jwa batho. A kaya fa seo seka thusa thata mo ditlhopha go bua ka lentswe le le lengwe, nngwe ya ditiro tse ba di dirang o kaile fa e le go godisa, go ruthuntsha le go tlhabolola ditlhopha tse di farologanyeng. A re o rekisetsa ditlatlana tsa gagwe mo mmolong wa Francistown fa go fetang batho ba bantsi teng. O tlhalositse gore o segile di CD di le 500 mme di rekilwe tsotlhe, mo a bolelang fa go supa gore e dira sentle mo mmarakeng. Fa a latlhela la gagwe mothusa modulasetilo wa masimo a Bobonong borwa, Mme Morongwa Oratile o supile fa metsi mo masimong a bone e le kgwetlho ka didiba di kgadile. Kgosi a re o tshwenngwa ke dikgang tse di golelang pele tsa bana ba dikole ba go tweng ba nale mewa ya ga saatane ga mmogo le batsadi ba ba sa tseneng diphuthego tsa lekgotla la batsadi le barutabana. A re bana ba tlaa nna le seriti e bile ba tlaa tswelela ka dithuto sentle go sena se se ba kgoreletsang. Monana a ikanya thekiso ya dijo Modulasetilo wa khansele ya kgaolo potlana ya Bobirwa, Rre Nathaniel Moribame, o lebogetse dimpho tse, a re seo se tlaa fetola matshelo a ba le bantsi mo kgaolong eo. E rile a tswa la gagwe, mme Ntomi Sanfole go tswa kwa Mabudzane a tlhalosa fa dipelo tsa bone di ne di gamuketse botlhoko ka ba ne gape ba tshogetse bokamoso jwa baithuti. Rre Keith Bafenyi mongwe wa leloko la Ngwao loshalaba Association o ne a tlhalosetsa ditlhopha ka bomoosola jwa go ikwadisa mo mokgatlho oo. Mokhanselara Mokgosi o ne a supa fa a tshwenngwa ke se a lemogang e le tlwaelo ya go ikgatholosa tsamaiso ga makhanselara mangwe ka go sa tseneng diphuthego tsa khansele ka fa go tshwanetseng ka teng, le go ikgatholosa boikarabelo jo ba bo tshwereng. Modulasetilo wa komiti eo, Rre Modise Motshegwa o tlhaloseditse O boletse fa morafe o ne wa tlhoma komiti e e tlaa etelelang tiro pele, mme komiti e ne ya rongwa go tsamaya e tsaya malebela mo metseng e metona mo lefatsheng leno go bona ka fa go agilweng maobo a dikgotla ka teng. Fa a tlhomamisa barongwa ba ga Keresete ba ba neng ba le masome mararo le borataro ba ba neng ba sa tswa go fetsa dithuto tsa barongwa ba ga Keresete mo kerekeng eo, o ba tlhaloseditse fa e le tshimimologo ya go rongwa go dira tiro ya Modimo. Modulasetilo a re bodiredi jwa VDC le jone bo hupediwa ke tiro mme ba kopa gore ba atswiwe ka P1 500 ka kgwedi ka gore ba dira ditiro tsa setshaba. Eddie Mmutlana o ne a tsaya tlotla ya ngwana yo o ba gaisitseng botlhe. Ba ne gape ba agelela lelwapa loora Gabosekwe ka terata ba bo ba tsenya le pompo ya metsi. ore puso e eme Batswana nokeng. Mme Gwai a re ba lemogile gore ditlhabololo tsa lebala la metshameko di saletse kwa morago. E rile mo dingwageng tse di fetileng, bogogi jwa toropo ya Jwaneng jwa tsaya tshwetso ya go ntsha bo maipaafela bao mo toropong go sutela madirelo,mme ba ne ba ya go ipaya gape ko motseng wa Sese dikhilomethara di le lesome go tswa mo toropong ya jwaneng, ga mmogo le mo sekgweng se se bapileng le terata ya Jwaneng. Rre Reatile o ne a kgothatsa maloko a kereke eo go tshwara ka thata mo tumelong go etsa mosimolodi wa yone yo a neng a sa kgatlhegele dikhumo tsa lefatshe fa e se go dira thomo ya Modimo. Gape o gakolotse banni gore ba emise mokgwa wa go letlelela batho go tsena mo malwapeng a bone ba itira badiri ba lephata lefe fela. O tlhalositse fa madi a ntshitswe go dira ditshekatsheko mabapi le kago ya sepatela se setona sa Selebi Phikwe go bona gore a se ka agwa ka moalo o mogologolo ka go tlhokega gore o tlhabololwe go tsenngwe dingwe tse di ka tsamaelanang le seemo sa gompieno. O ne a iteela moroko mafoko a gore le batlhokomedi ba bana bao le bone di tlaa ba sologela molemo ka tsela nngwe. A re go sule dikgomo di le makgolo a mane le masome a marataro fa dihutshane tsone go sule di le makgolo a mabedi le masome a matlhano. O supile fa ba ne ba lemoga fa batho ka bontsi ba latlhegelwa ke matshelo, mme seo se bakwa thata ke tiriso botlhaswa ya nnotagi. Mme Alone a re o dira tiro ya gagwe ka lorato, sebe sa phiri ke gore lemmenyana le a lebogiwang ka lone ga le kgone go mo thusa ka go se sepe se a itshetsang ka sone. Rre Kehupetse o tlhalositse fa maikaelelo a komiti ya Gopolang Balwetse e e tlhamilweng ke badiri ba sepetela seo ka ngwaga wa 2010 moono wa yone e le go tlhomamisa gore balwetse ba tlhokomelesega sentle ka dinako tsotlhe a kaya fa balwetse bangwe ba tswa kgakala mme ba masika ba ketefalelwa ke go ba lekola sentle ka fa ba ka eletsang ka teng. A re dinako tse, di ratwa ke dirukutlhi ka go a bo go le lehitshwana gape batho ba a bo ba ya ditirong kana ba tswa ditirong. Rre Botoka a re ba lemogile gape fa kgokgontsho e le ntsi mo malwapeng selo se a kaileng fa se diragala thata mo malwapeng a batsadi ba ba nnang mmogo ba sa nyalana e bile gantsi ba fitlhelana ka bana. A re seo se tlama bodiredi jwa lehuti go felela bo kgaoganya matlakala mme go die ditiro dingwe. O kgothaditse banana botlhe ba ba sa berekeng go emela matshelo a bone ka dinao go nale go emela puso go ba akanyetsa. Rre Kenabatho a re lekgotla la kabo ditsha le mo thulaganyong ya go baakanya peo ya tshingwana eo, ba a fetolela mo tsamaisong ya segompieno go tswa mo go ya bogologolo ee neng e dirilwe ke dikgosi. Le fa go ntse jalo, Mme Moloi o boletse fa dikgwetlho e le batsadi bangwe ba ba dumelang gore go ruta ngwana khomputara ke go mo fa lesedi la go ithuta dilo tse di maswe mo go yone mme a re go tila se, ga a tsenya internet ka bana ba ka bala tse ba sa tshwanelang go di bala mo yone. O tlhaloseditse makhanselara gore madi a LIMID a mo letloleng le le lengwe lefatshe ka bophara, ke ka moo ka nako tse dingwe a felang ba santse ba ise ba feleletse go reka di dirisiwa go di isa kwa bathong. Emisang go kgotlela tikologo - Baatweng Rre Goya o buile jalo kwa moletlong o o neng o rulagantswe ke kereke ya UCCSA go kokoanyetsa madi kago ya UCCSA Boseja. Mme Lulu Keitumetse Lekwe, mmereki mo ofising ya bong kwa Tsabong, a re lephata la bone le ne la dira thulaganyo ya go tsena ntlo le ntlwana kwa motseng wa Monong, maikaelelo e le go tlhomamisa gore a batho ba itse ka kgokgntsho le gone gore e raya eng. Rre Kapeko, a re masimo a ke mangwe a masimo a a dikileng a tswetswe ke mohero wa tlolela o o setseng o iphetotse sera mo masimonga ka bontsi mo kgaolong. Bomme ba kgothadiwa go tshwara ka thata Dipalo tsa batho ba ba thusiwang ke puso di kwa godimo mo kgaolong potlana ya Palapye, le mororo modulasetilo Rre Onneetse Ramogapi a supile fa dithuso tsone di goroga sentle kwa go ba di ba lebaneng. Fa a ntsha maikaelelo a letsatsi leo, modiri go tswa mo ofising ya molomaganyi wa mananeo a twantsho kanamo ya mogare wa HIV mo kgaolong ya Letlhakeng, Mme Masego Ogaketse, o boletse fa moono mogolo wa letsatsi le e le go tla go tsibosa setshaba ka dikgang di le mmalwa tse di itebagantseng le bolwetse jwa AIDS. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Mme Kemo Kaboko a re kopo ya bone go direlwa motshelakgabo gaufi le kampa ya masole go ba thusa go ya kwa kokelong ya Letsholathebe, e ne e dumalwanwe mo DDP7 mme e rile ka DDP8 ya bo e seyo, ga go na karabo gore ke eng go sa diragadiwa. Rre Okatswa ene o rotloeditse baithuti go reetsa barutabana ka go sena bokamoso ntle le thuto mme a ba gakolola gore go inaakanya le tse di duleng mo tseleng ga go kitla go ba leretse isago e e siameng. E rile a bua mo potsolosong le motswedi wa dikgang wa BOPA Kgosi Koboyakgomo o tlhalositse fa batsadi ba motse wa Thamaga ba dirisanya le bone sentle thata go laola botlhoka tsebe jo bo neng jwa apara motse wa bone dikgwedinyana tse di fetileng. Mogokaganyi wa lenaneo la Re A Nyalana, Mme Annah Morwaagole a re e re ka jaana tsamaiso ya setshaba e simolola ka lelwapa, ba bone go tshwanela gore ba atolose ditirelo tsa bone ba rute Batswana ka ditsamaiso le ditshwanelo tse di amang matshelo a bone. Banka eo e ne ya rotloetsa mogwato oo ka madi a P20 000, fa ba Exclusive Insurance Solution ba ntshitse madi a a kanang ka P22 000. Gape o ne a supa fa lephata la gagwe le sa robalelwa ke ditlhokwa ka dikgang tsa banyalani ba ba tlhalanang, bogolo jang banana. E rile a araba selelo sabanni ba Mokgomane sa gore ditsheko ga di sekwe ka ntlha ya gore kgosi ya boneo lobaka a seo, Mme Ramosiane o ne a tlhalosa fa ba itse gore kgosi ya bone aseyo ka mabaka a botsogo, a tla a re ba tlaa rulaganya gore fa ditsheko di ledintsi ba bone gore a ba ka se tsise kgosi nngwe go tla go sekisa ditsheko goredi fokotsege. Rre Magagane o boletse fa ba tla dirisa mebala e e latelang; o montsho le bosweu, bontsho le bohibidu gammogo le bosweu le bohibidu. A re ba ne ba thusiwa ka P220 000 go simolodisa kgwebo ya go dira matlapa a a beelwang batho ba ba tlhokafetseng. Mme Venson-Moitoi a re bangwe ba santse ba na le lesokolela, ka ba bolela fa ba itshetsa ka bojalwa mme ba ka seka ba tlogelwa kwa morago. A re morago ga tseo go ne go kolobediwa ditodi tsa mogwana ka metsi a thito ya moretologa go itsa gore ditodi di omelele ka bonako, mme go bo go bofelelwa dithito tsa moreteloga fa go robegileng teng. O rotloeditse banana gore ba seka ba nna fela ka tsholofelo ya gore puso e tla a ba direla sengwe le sengwe mme ba tshwanetse go iphataphatela. Ka jalo o rotloetsa banana ka ene go gwetlhega go nna le lerato, maikaelelo le maitlamo mo go sepe se ba eletsang go se dira go itshetsa. Mme Segokgo a re le fa go ntse jalo go na le ba ba ithaopileng go thusa ka sepe fela se ba nang le sone, a bolela gore ofisi ya banana e ithaopile go ba thusa ka dijonyana tsa mo mosong ka ba itse gore puso mo nakong eno ga e a ba fa madi a sepe fa ba tshwantshanya le 2016. O tlhalositse fa go ne ga tshwarwa dipuisano go rerisana le motshwarelela bogosi ja ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane ka go tlhoma kgosi e nngwe kwa motseng oo. Fa a bua le ba lekalana la dikgang la BOPA modulasetilo wa lekalana la borre le le okametseng a mangwe mo lefatsheng leno Rre Tlhakakulagae Onkokame o tlhalositse fa mo malatsing a le lesome ba kgonne go fitlhelela maikaelelo a bone a go gasa molaetsa mo banning ba metse eo. Ba tshegeditse katlego ya 2016 A re go tla tiro e tona ya temo ya sonobolomo e e tlaa tlhokang lefatshe ka jalo masimo a bone a ka tla a ba sologela molemo thata gore le bone ba kgone go dirisa sebaka seo go dira madi go ka itshetsa. E rile bosheng Ramapodisi a Molepolole, Superintendent Charles Mbengwa a tshwara bokopano le dikgosi tsa Molepolole go di rolela maikaelelo a sepodisi a go nna le thuto-puisanyo kgwedi e e tlang e ya fifing. Rre Mokhutshwane a re lebaka le lengwe le le ba tshwenyang ke go tlhoka go itlama ga batho ba ba thusitsweng ka mananeo ka ba a latlhelela ga ba tlhokomele leruo mme e bile fa gongwe ba re le timetse kana le sule. Dikhilomethara tse tlhano go tswa kwa toropong ya Selebi Phikwe go ikadile meraka ya dipodi e e bidiwang Majweng, e e kgatlhang leitlho. Thotloetso e, e dirilwe ke mmatoropo wa Lobatse, Mme Malebogo Kruger, jaaka bo mme ba sepodisi ba kgaolo ya borwa ba ne ba tshwere letsatsi la moletlo wa go itokafatsa, go ya ka dikitso tsa bone le makgoni a bone go ntsha maduo a maemo a ntlha. Ba re ba leka ka thata go tlhapa ka metsi aa nang le molora nako le nako fa ba ntse ba theogetse. Kgosi, o supile fa a tlaa tsaya leina la ga Rre Oitsile Matho, yo go dumalanweng go ka nna setilo sa bogosi jwa kgotla ya Talaojane. Rre Molefhi o ne a re bodiredi ga bo a tshwanela go nna bodiredi fela mme bo tshwanetse go nna le boikarabelo mo setshabeng se bo tshelang le sone. Mothusa tautona o supile fa go le botlhokwa go bona gore bana ba sireletsegile ka nako tsotlhe. Bagwebi ba babotlana ba tlhalosa fa ba itumelela tirisanyo mmogo le mogwebi wa marekisetso a Shoprite U-save a a tsileng mo kgaolong ya bone bosheng. Fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng, Rre Moagi Molebatsi o supile fa palamente e dirile ditshwaelo le ditshutiso di le mmalwa tsa melao, go akaretsa molao wa kgokgontsho ya bong. Banni ba Mogotlho ba ne gape ba dirile kopo ya go tsenyetswa motlakase, mme e rile a ba neelakarabo, Mme Tshireletso a tlhalosa fa batho botlhe ba ba eletsang go tsenyetswa motlakase ba ka isa dikopo tsa bone ka motlakase o setse o le gaufi, o feta ha godimo ga motse wa bone o ya ko metseng e mengwe. Ene e rile go le pele modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Rahim Batshwaregi a supa matshwenyego ka sepatela se ba se solofeditsweng mo motseng, a re gona le menahune ya gore ga sena go dirwa. A re mo go ka dira gore badira melato ba tlhoke kwa ba ka rekisang teng tse ba di utsuleng, mme go felele go fokotsa borukuthi. Mo dikgannyeng tseo, batsadi ba ne ba fiwa sebaka go tla ka tse ba bonang e le dilabe mo tsamaisong ya go ruta, tse mo go tsone ba supileng fa go tlhoka go itse go bala le go kwala e le mathata a bone, seo se bo se dira gore e ne e kare ba itlhokomolositse tiro ya ngwana. A re thobo e e fetileng e dikile e nametsa e bile a re o dumela fa bontsi bo se kake jwa wela mo isong ka ba na le se ba tla itshetsang ka sone. A re go solofelwa gore motsadi a beye monwana kwa tlase go netefatsa tota gore ke boammaaruri ngwana o dirile tiro e bile motsadi o e bone. Mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a re lenaneo la Re A Nyalana le tshwanetse la akgolelwa go tsosolosa serodumo sa malwapa. O ne a kopa baphuthegi gore ba tswelele ka go laletsa le go rotloetsa borre ba bangw e ba kereke eo go tsena diphuthego tsa lekgotla leo gore bat le go abelana maele. A re ba tshwentswe ke gore letsatsi la matsalo a ga Sir Seretse Khama le ntse le sena bokao jo bo kalo. A re sekolo seo se na le baithuti ba le sekete le barutabana ba le masome mararo le boraro mme botlhe ba dirisa sebala makgolo le printer ele nngwe ; selo se a reng se kgoreletsa tiro ya barutabana. E re ka go setse malatsi fela a e seng a sepe gore Botswana a ipelele dingwaga tse di masome matlhano le bobedi a ntse a ipusa, Bangwaketse ba tsweletse sentle ka go baakanyetsa letsatsi la boipuso Lwetse a le masome mararo. Rre Keetile o supile gape fa banni ba motse oo ba dikile ba bone thobo e ntsi ka ntlha ya dipula tse di namagadi tse di neleng. E rile a lekodisa ka MPI, mogolwane wa lekalana leo Rre Ronald Keatshabe a supa fa e le lekalana la tsa dipeeletso le lebaganye le tsa kgwebo ka fa tlase ga lekgotla la BTU, le simolotswe ka 2012. A re o lemogile fa diphologolo bogolo jang ditlou di ganelela mo tseleng eo ka go na le ditlhare tse di di jang. Ba tshosetsa go ngala ditlhopho Kgosi o tshwentswe ke borukutlhi A re selo seo se ba senyetsa bokamoso le gone go ba senya tlhaloganyo tota, mme a re tsela e a bonang e ka thusa ke gore batsadi ba leke go direla bana ba bone gotlhe mo ba ka go kgonang go itsa gore ba ineele borre ba ba tona go ba fa tse ba di tlhokang. O kaile fa ka nako eo ba ne ba rutela bana mo ntlung ya kereke ya E.R.P Unity Church le fa tlase ga ditlhare. Kgosi Radipitse o ne a mo atlhola dithupa tse tharo. Rre Kefentse Magowe mogolwane go tswa kwa lephateng la dipalamo le ipabalelo tseleng fa a bua mo dithuto-puisanong tseo o ne a tlhalosa mo go tseneletseng ka botlhokwa le thulaganyo ya go dira setlankana sa go kgweetsa. Banni ba Qabo bone ba ne ba ngongorega ka tsela ya bone e ba reng e maswe, ka jalo ba kopa gore fa e le gore ga e mo lenaneong la go tshelwa sekontere, bogolo e gopiwe. Fa a otlelela mafoko a ga Rre Seloma, Rre Oliphant Mfa o boletse fa mafoko a a buiwa ele a batho ba batla go ba senya maina ka dikgang tse di senang lepele le morago. Mme Sesinyi a re dingwao dingwe le tsone ga di letlelele batho go inaakanya le sepolotiki mme a tlhagisa fa se, se sa letlelelwe e bile batho ba go nna jalo ba ka tseelwa dikgato. Ntwa e fa pele ga rona e thata e robang dimapo, e tlhoka banna le basadi ba itse botlhokwa jwa go sireletsa se e leng sa bone. Kgwebo e tlhoka lerato le bopelotelele O tsweletse gape a tlhalosa fa lenaneo le sa emisetsa a a ntseng a le teng, mme le a tiisa le go feta. O tlhalositse gape gore ba lebogela lenaneo la ipelegeng mme a kopa mopalamente gore a a ka se ba buelele gore gongwe ipelegeng e ka tsewe ele kgwebo mme ya itirela madi le yone go nale gore b abo ba tlhola ba bereka fela. Rre Goitsemang o ne a kgothatsa batsadi ba motse oo go emela dithuto tsa bana ba bone ka dinao ka go ba rotloetsa go tlhwaafalela dithuto tsa bone ka e le bone babusi ba lefatshe leno ba ka moso ba ba ka le isang kwa pele. Fa a tswa la gagwe, Rre Majaha o supile fa a ne a na le poifo go ka kopa kemo nokeng le dikgakololo mo go bone mme ka ba tlhatswitse ketsaetsego e e ntseng e le teng ba tla tshwaragana go ngokela batlhophi mo phathing eo. O tsweletse a re mogopolo o mongwe o o neng wa tswa e ntse e le go leka go hema kanamo ya bolwetse ke gore go akanyediwa gore go dirwe masimo go bapisa molelwane go dira gore go seka ga nna bonolo gore leruo le tlolele ka kwa lefatsheng le le mabapi la Zimbabwe. Mapodisi a Machaneng a tlhotlhomisa kotsi e diragetseng mo tseleng ya Shakwe, e gapileng matshelo a batho bale babedi ka Mosupologo. Ditlhabololo di saletse kwa morago-Kgosi Bampusi Makgotla a a itshekatsheka E rile a ikuela fa pele ga lekgotla, Rre Seema a tlhalosa fa a na le bana ba le babedi ba a ba tlhokometseng. Mopalamente gape e le tona ya tsa pereko le selegae, Rre Edwin Batshu o gakolotse banni ba Maitengwe ka mowa wa go isa Botswana kwa pele go nna setshaba se se atlegileng ka itsholelo e e faphegileng go aga matshelo a a botoka. Baithuti ba ngongoregela seabe sa batsadi A re o dumela fa mogopolo o sena go fetolo tsamaiso ya khansele a tlatsa ka gore phetogo fela ke go fokotsa go balwa ga dipego mo diphutegong tsotlhe. Pego ya re maloko a kgona go adima madi ka morokotso o kwa tlase wa 10 percent, go reka dipeeletso tsa madi 500 pula go ya kwa godimo, mme ba tsenyediwe morokotso ngwaga le ngwaga. O tlhalositse fa ba bone go le maleba gore ba kgobokanye bagodi go lemoga mosola wa bone ka go ba apeela dijo tsa motshegare le go ba fa dimpho tse di akaretsang melora e e tlhapang, a supa fa Modimo a rata setshaba sa gagwe mme le batho ba tshwanetse go supa lorato mo go ba bangwe. O supile fa gape a beile pele Tautona sekole sa Ngware, a bo a supa fa puso e sa letlelele go lema go gasiwa. O boletse fa thuto ya dibuka mo sekoleng e sa lekana ka gore ditiro tsa setso di tshwanetse go bonwa ka matlho, a bo a re dijo le diaparo di supiwe mo ntlong e e agilweng eo. Mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Palapye Rre Koti Molefhi o ne a supa fa kgaolo ya legare e na le dikhansele di le supa ka jalo bodiredi jwa lephata la Matimela go tswa mo dikhanseleng tseo bo ne jwa ipopa ba simolola tiro ya go agela ba ba senang bonno matlo. Mapodise a Tutume a tlhotlhomisa polao Fa a bua mo potsolosong le BOPA bosheng, Kgos Retlhatloleng o tlhalositse gore dikgang tsa mofuta o di a tshwenya ka gore batho ba ba nna mmogo ntleng le ditumalano le botsadi mme e re lorato le fela e nne dintwa. Dingwaga tsa kgolegelo di simolola ka bosupa go ya kwa go tse di lesome le botlhano kgotsa modira molato a duedisiwe dikete tse di makgolo matlhano (P500 000) kgotsa sedikadike sa dipula (P1 million), a tswelela. O boletse gape gore setlhopha sa badiredi ba fera bongwe ba taolo ya diphologolo ba ne ba isiwa kwa Matsiloje go simologa ka Tlhakole, go thusa go laola diphologolo. E rile a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti eo, Rre Mogogi Sinombe o tlhalositse fa a dumela fa komiti eo e tla sologela borre ka bontsi molemo ka ba tla kgona go phuthologa fa ba kopane ka bobone. Rre Pagiwa o tsweletse a re letsatsi la boipuso le faphegile ka jaana lefatshe le a bo le gakologelwa le go ipelela tse le di kgonneng morago ga go ipusa ka 1966. O boleletse ba tsena moletlo fa lenaneo la go thusa dikolo le simolotswe ke puso ka ngwaga wa 2012 morago ga go lemoga dikgwetlho tsa letlhoko la madi go tsamaisa dikole. Ka talente ya gagwe ya botaki, monana wa Palapye, Mme Itumeleng Motswetla wa dingwaga tse di lesome le borobabongwe ke mongwe wa bomme ba ba supang fa bomme le bone ba na le bokgoni jwa go dira ditiro tse go tsweng goo- Lowe go tlwaelesegile e le tsa borre. A re banana ba itontela nnotagi ba bo bafelela ba dira dilo tse di duleng mo tseleng, selo se a kaileng se batla kgalemo pele ga lefatshe le wela ka lemena. Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa masimo a Bobonong borwa, Rre Peter Mavona o ne a re tlhokomelo ya masimo ke balemi e kwa tlase ka jalo a supa fa monontshane wa tshimo e le mong wa yone. Mme Sedihe o ne a ikuela mo pusong gore e ba tshologe mokgosi mo meletlong ya mofuta o ka ke yone fela e ka thusang go ikgakolola le go rotloetsa ngwao mo Botswana. Dipula di dirile go swela Banana ba le babedi ba kgotla ya goo Motsokwane kwa Serowe ba itepatepantse le thuo ya dinotshe go rekisa tswina le mamepe a tsone e le tsela e ba e ikgethetseng go tokafatsa matshelo a bone. Kgosi Mmirwa Malema wa Babirwa o tlhalositse fa go dira ditiro tse di faphegileng segolobogolo ya ditlhabololo go bopa setshaba. Banni ba Mokubilo kwa kgaolong ya Boteti ba ngongorega ka tsamaiso ya komiti ya ditlhabololo tsa motse VDC ya go hira batho ba ba jesang babereki ba Ipelegeng le ba ba apeelang bana ba sekole borotho. Rre Dennis a re bana ba motse oo ba ba direlang kwa mafelong a sele ga a amogela molaetsa botlhe jalo a re seo se ne se ka kgoreletsa go dira tiro ka matsetseleko ka jaana le bone ba tshwanelwa ke go tsenya letsogo. O tsweletse fa badira melato ba, ba tsaya dijojo tse di dirisiwang go thusa ka metsi ka nako ya kago ka go sena metsi kwa Disaneng II. Dr Tombale o boletse gore mebaraka e gatelela gore boleng le bophepa jwa nama bo le nosi ga bo a lekana ka nama eo go tshwanetse ga itsiwe ko e tswang teng le gore ko e tswang teng ga se lefelo le le bokabokelwang ke malwetse a a tshwanang le jwa tlhako le molomo. Mogolwane o ne a re dimpho tse di supa fa ruri mabogo dinku a thebana, ka dikhamphani tse di farologanyeng di tsaya karolo mo thutong, kgankgolo e le go tlotlomatsa thuto. E rile a rola tsheko, Kgosi Ramosenyi Radipitse a tlhalosetsa lekgotla fa e rile Phalane a tlhola malatsi a le masome a mabedi le bongwe, Rre Sekwati yo o neng a le kwa morakeng wa Seswe a leletsa Mme Onkemetse Thomas wa dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe gore o tsile go mmolaya. E re ntswa bontsi jwa bagwebi ba babotlana ba sa tlhole ba tsaya maeto a maleele go reka tse ba di tlhokang mo kgwebong, boammaruri jwa kgang ke gore bagwebi bangwe ba supa fa golo gongwe dipoelo di koafala. Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Daniel Kwelagobe yo e neng ele sebui sa letsatsi, o kopile batho ba kgaolo ya Nata/Gweta go tlhopha Rre Majaha mo ditlhophong tse di tlang gonne ke monana yo o ka kgonang go thusa le go tsweledisa maitlamo a phathi. Moithuti yo, o supile fa maduo a bone a ba utlwisitse botlhoko fela thata gonne thuto e le yone konokono mo matshelong a bone, ka jalo a re o leboga thata lephata la thuto mo boemong jwa bana botlhe ba ba buseditsweng go ya go tsweledisa dithuto tsa bone tsa mophato wa botlhano. O ne a gomotsa baithudi, a ba lemotsha fa ba na le batsadi ba ba lorato ba ba tlaa tswelelang ba ba ema nokeng ka dinako tsotlhe, go le monate le go le botlhoko. E re le ntswa e ne ya re mo malobeng bagodi e bo e le bone ba ikamantseng thata le temo-thuo go na le basha, go lebega seo se fetogile ka jaana banana bangwe ba itepatepantse le go ikopela mananeo a puso a temo go tokafatsa matshelo a bone le gone go nna le seabe se se bonalang mo go direleng lefatshe leno dijo. Fa a bua mo letsatsing la go ipapatsa le le neng le rulagantswe ke khansele potlana ya Tutume kwa motseng wa Dukwi ka Labotlhano, Kgosi Mosweu o boletse fa mananeo a nyeletso lehuma ka go farologana a thusitse go aga seriti sa bangwe Batswana gape go na le motlhala wa one lefatshe ka bophara. O ne a bua jalo bosheng kwa motseng wa Lerala kwa banni ba neng ba amogela molelo wa kgolagano. A re e setse e le dingwaga di feta masome a mane mme go ntse go tshwana fela; a tlatsa ka gore ga ba itumelele seo ka le khansele e palelwa ke go ba baakanyetsa tsela e e seng kalo. Are lentswa go le jalo ka nako ya ba simolola temo ba ne bas a boloke madi, ka banka ya bone e ne e le molomo wa bana ba bone ka jalo ba ne ba berekela go jesa bana le go itlamela. BOKHUTLO Mongwe wa barutabana ba pele ba baithaopi , Mme Areta Oats, o ne a tlhalosa fa go gola ga sekole seo e le kgatelo pele bogolo jang ka nako ya bone ba simolotse go ruta bana fela mo legoeleleng kwa metsaneng ya Phepheng le Ntshutela. Ga re eletse go bona motho e le motlhoki kana a tlhokafaletswe ke batsadi ba ba neng ba thusa ka ditlamelo tsa botshelo. Rre Tsogwane a re go utlwisa botlhoko ka gore bangwe ba bana ba latlhegelwa ke batsadi ba sale babotlana, ba sa kgone go itirela sepe, ka jalo ba tlhoka go tshwaraganelwa ke setshaba gore ba gole sentle ba kaelwa tsela e boammaaruri ka lorato. O ne gape a kopa bagolo ba kereke gore ba seka ba tlogela banana kwa morago mo mererong ya lekgotla leo ka jaana go le botlhokwa gore batle go anya megopolo le botlhale mo go bomabutswapele ba kereke batle ba tsweledise go ya pele. A re ba tswa kgakala ba bua ka go nna teng ga ditlankana tsa itshupo. O tsweletse ka go supa fa mathata a borukutlhi mo motseng wa gagwe a tlhokana le gore ba bo ba na le mapodise. A re se se bakwa ke gore megala ya bone fa gongwe ga e tshwarege, gape fa gongwe fa ba tsaya matsapa a go ba latela ba itaya se folletse. A re keletso ya bone ke go tsena le mo dikoleng tse dikgolwane go ruta bana ba basimane. Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla di buisiwa ke moapalmente yo mosha wa kgaolo ya Serowe Bokone ,Rre Kgotla Autlwetse, Mme Matseka a re ga ka fa tsamaisong gore go ka ruelwa mo motseng ka e bile go nale mafelo a tshwana masimo le meraka a leruo le ka nnang kwa go tsone. Rre Mogaga a re le fa go ntse jalo o batla go tlogela a segile tema ya gagwe. O tlhalositse fa go sena kagiso e e santseng e ka nna teng, e e fetang e lefatshe le, le nang le yone. Mogolwane wa lephata la boagedi kwa Serowe, Mme Derby Kenalemang o supile fa e le lantlha go etelwa ke tona, go tla go utlwa matshwenyego a bone. O tsweletse ka go tlhalosa fa moithaopi wa mokgatlho o, a tshwanetse go nna ba le podi matseba ka dinako tsotlhe. Mopalamente Makgalemele o lebogile batho ba kgaolo ya gagwe go bo ba lemile mme a kopa barapedi go tswelela ba rapelela dipula gonne dithapelo tsa ngogola di dikile di dirile go swela mme Batswana ba bona go lema mo go neng ga nyeletsa leuba. Fa e sale khansele eo e simolola ka Mosupologo, Seetebosigo a tlhola malatsi a le marataro, makhanselara a a kgatlhanong le modulasetilo a ile a leka ka bojotlhe go mo ntsha mo setilong. A re go belaesega dipodi tseo di ne di rwele manyena, ka ba fitlhetse di gagotswe ditsebe le matshwao. Kgosi gape o buile fa go supagala fa botlhoka tsebe jwa bana bo ile magoletsa ka jalo a kopa morafe go kgalemela bana ba bone nako e sale teng e seng jalo batla a thanya le le tsebeng. O ne a thethebatsa bagolo dipelo ka go tlhalosa fa lekalana leo le tsamaisiwa e bile le kwadisitswe ka fa molaong, ka melawana ya tlhokomelo le tiriso ya madi ya NBIFIRA mme gape ba le ka fa tlase ga lekalana le tlhokomelo madi a dipeeletso, dithoto le diphitlho ( O ne a kopa maloko go rurifatsa boloko e sere gongwe ba iphithela ba le mo mathateng ka nako e ba tlhokang thuso, segolo jang ka nako ya dintsho. Mabogo dinku a a thebana - mogolwane Mowa boipelego konokono Rre Mogobe o bile a kopa kgosana gore a nne a etela makgotla a mangwe go ya go tsaya malebela. Gompieno re fa, re lebile gore Childline e dira tiro e ntle ya go re tlhokomelela bana ba ba mo letlhokong le legolo, ga bua Rre Molale. O ne a supa fa puso e ntse e emelane le go tlhabolola ka fa kgomo e ka rurifadiwang ka teng. Rre Malei a re go a itumedisa go bona monongwaga go nnile le metseletsele ya ditiragalo go tlhagolela moletlo oo tsela. Kgosi Botshelo Lekgothu wa Ghanzi o ne a tlhalosa fa letsholo la Monna tia le gwetlha borre gore ba tie mo maikutlong go ikgapha mo kgokgontshong. O kgadile Batswana bangwe ba a reng morago ga go lemelwa ba tlogela masimo a le nosi ba re ga ba a senyegelwa ke sepe mo temong eo. Fa a rola pego, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Bobonong Bophirima, Rre Boitumelo Kgosietsile, a tlhalosa fa komiti e dirile go le gontsi go tlhabolola kgaolo. Mme Keaketswe o rotloeditse bomme ba kereke eo go nna sekao mo baneng ba bone ka go tshegetsa matshelo a bone le malapa a bone ka tumelo ka e le botlhokwa mo go ageng motho. O tsweletse a re tse di oleng di akaretsa Gotlhajwang (Pty) Ltd poultry, Tease Brick Moulding le Kanatla Forestry fa Morakana Matheaphiri Smallstock le Bammogo Investment Smallstock tsone di tla a simolodisiwa. Ba ba tsereng B, ba neetswe makgolo a mararo a dipula. Moeteledipele wa mokgatlho wa bomme ba kereke eo mmaetsho Susan Williams o boletse fa maikemisetso a mokgatlho wa bone ele go lwantsha kgokgontsho ya bomme le bana mo malwapeng, tlhakanelo dikobo le bana ba ba dingwaga di kwa tlase ga lesome le borataro, go ngokela banana mo dikerekeng le go rutela basadi ba lefatshe leno ditiro tse ba ka itshetsang ka tsone gona le go ikaega ka borre. O boletse fa kago e ba tsere dibeke tse tharo fela. O ne a tlhalosa fa menontshane ya sekgoa e tshelwa fa fatshe ka go e gasa go ka dira gore dijalo di seka tsa e tsaya sentle. Tautona o akgoletswe kago ya diofisi go tsena P250. O ne a tswelelea a tlhalosa gore go maleba gore baeteledipele ba Ipelegeng ba tlhophiwe kwa dikgaolong gore ba kgone go bereka le batho ba ba ba itseng. Mananeo a nyeletso lehuma ga a tsamae sentle Mothusa Kgosi wa Palapye, Kgosi Michael Maforaga o kopile banni ba Palapye go tswa ka megopolo e e ka tlhabololang motse le go aga bana. Mashi le one o kaile fa a ka remisiwa a dira di cheese, mashi a boupi, dichokolete le dino tsididi le go ka dirisiwa e le metswako mo dijong tsotlhe tsa menate tse motho a ka di akanyang. Mokhanselara wa kgaolwana ya Letlhakeng Bokone Mme Stella Segwagwa o gakolotse ka botlhokwa jwa go tlotla le go fa kgosi Kgari Sechele III tlotla e e mo lebanyeng mo diphuthegong tsa kgaolo le tsa khansele. A re kago ya leobo le e tshwanetse e kabo e simolotse go agwa ngogola, ka jalo a tlhalosa fa go na le dingwe tse di diileng tiro. A re sengwe gape se se sa ba jeseng diwelang ke mokhanselara wa kgaolo ya bone yo o tlhabololang motse wa Malolwane a tlogela wa bone. Se, se tla morago ga leso lwa ga Kgosi Edwin Letlhare, yo o tlhokafdetseng ngogola. Thulaganyo e ya gore badiri ba ofisi ya ga Tautona ba nne ba ipha nako ba thusa setshaba, tona a re o bona e le botlhokwa thata ka gore tebelopele ya lefatshe la Botswana ya re re nne tshaba e e kutlwelobotlhoko. Dr Venson-Moitoi a re batsadi ba tlogele go senya bana ka go ipolelela gore ba a ba rata. A re go supagetse fa terata ya molelwane e kgaolwa ke batho e seng leruo, mme e re morago diruiwa di felele di tlolela ka kwa Zimbabwe. O ile gape a re dituelo tsa bone di saletse morago ka jalo di tlhoka go sekasekwa. Le fa go ntse jalo, o supile gore go ne go se sepe se se belaetsang ka nako e a neng a emetse go tlhopha. Bobirwa ke lengwe la dikgaolo tse di humileng matlotlo a tlholego le bojanala. O kaile fa leruo le sa dire tshenyo fela mme le leswefatsa le tikologo ya motse. Mokhanselara wa kgaolo ya Ngware Rre Ontatlhole Selatlho o supile a tshwenngwa ke gore go tsaya lobaka gore kompone ya Water Utilities e tsibogele tlhaelo ya metsi le go begela dipompo tse di senyegileng mo kgaolong ya gwagwe. A re go botlhokwa gore ba ne ba kopana e le baeteledipele ba setshaba go ngunanguna ka dikgang tsa kgaolo ya bone eseng fela ka nako ya diphuthego tsa matona a puso. Botshelo bo fetogile Fa a ntsha la gagwe, Kgosana Ramatlhakwana o ne a leboga Barokologadi go bo ba bone go tshwanela gore ba tlhome ene mo setilong. Fa a bua mo potsolosong le BOPA, Rre Thokwane o tlhalositse fa a simolotse kgwebo ya gagwe ngogola morago ga go tlogela tiro. A re maikalelo a puso ke go batla tharabololo ka metsi aa fetang mo gare motse oo. Rre Motshegwa o boletse fa go kokoanya ga madi a leobo go tsweletswe e bile morafe o itlamile go kokoanya P2 million yo o tlaa dirisiwang mo moketeng wa pulo semmuso ya leobo le. E rile a ema babereki ka lefoko kwa moletlong oo, mokwaledi wa lephata leo, Rre Kago Ramokate a lebogela kgaolo eo go dira sentle. E rile a akgela, mothusa molaodi wa toropo ya Lobatse, Mme Kolobetso Sejakgomo a re ba tsere tshwetso ya gore ba tswele kwa setshabeng gore ba kopane le morafe go ba atumeletsa ditirelo le gone gore ba itse bodiredi jwa maphata. E re go ntse jalo o supile fa batsadi ba setse ba le maoto a tshupa go bua le ba botsogo ka go atologanya bana. Fa a tlhalosa ka botlhokwa jwa ditso tse di neng di dirisiwa ke batho ba bogologolo tse di mo kgaolong ya bone, mogolwane go tswa kwa ofising ya motlobo wa ditso, Rre Phillip Segadika o supile fa maikaelelo magolo a lekoko la gagwe e le go senola le go sedimosetsa setshaba ka matlapa a a neng a dirisiwa mo ngwageng tse di dikete tse pedi tse di fetileng mo kgaolong eo. O kaile gore kgwetlho e tona e a kopanang le yone ke gore dinotshi tsa gagwe di longwa ke ntshi e e di bolayang le gone go falala, go bo go re a senke tse dingwe. O supile fa gape ba tlaa itebaganya le mathata a dipilisi tse di tlhaelang. Ba supile fa ba tsamaya sekgala se se leele go ya go berekela Ipelegeng kwa Mogonono. A re fa molemi a lemile tsa leruo, puso e duela sephatlo sa ditshenyegelo fela. A re ngwana o tshwaraganelwa ke batsadi le barutabana. Mme Lorekang a re ba dumela gore bogogi jwa motse bo tlaa ba thusa go gasa molaetsa wa go itlhokomela. A re ka P100 000 yoo, o ne a reka kharabene e e apeelang, didirisiwa tsa kapei ga mmogo le koloi e e gogang kharabene. Go buile jalo mookamedi wa Citizen Entrepreneurial Development Agency (CEDA) Rre Thabo Thamane kwa moletlong wa kabo-dimpho kwa sekoleng se sebotlana sa Rachele kwa Kanye ka Labotlhano. O supile fa go tlhokega go gagamatsa dirukhutlhi tsa melato ya leruo ka bogodu bo ile magoletsa mo kgaolong eo. O boletse fa ba tsweletse ka go lebelela seemo e bile ba se ipaakanyeditse. Mo motshamekong wa kgwele ya dinao, bommampodi ba kgaisano ya Domboshaba, e nnile setlhopha sa Nswazwi, se longwa serota ke sa Vukwi, fa ditlhopha tsa Tumediso go tswa Matshelagabedi le sa Nshakashogwe tsone di dule ka maemo a boraro le bone ka go latelelana ga tsone. O boletse fa bogologolo dikgosi di ne di rotloetsa morafe go lema dijo. Ba ba bonyeng dikgobalo tse di potlana ke basimane ba babedi, ebile mo nakong ya gompieno ba a sidilega. Mme Koobonye a re ka palo ba ne bale bantsinyana mme bangwe ba tloga batswa mo mokgatlhong ka mabaka a dikgwetlho tsa botshelo. Go lekola ngwana ke thotloetso A re ka madi ao ke go ba tiisa moko gore ba itse fa bojanala bo na le dipoelo. Mogolwane mo lephateng la dikgang tse di amang bong Mme Rachel Loeto o boletse fa gole botlhokwa gore batho ba itse ka dikgang tsa bong le gore molao wa reng ka tsone. A re fa bangwe ba santse ba boifa gore bone bakgokgontsi ba bone fa ba ka utlwa gore ba ikuetse ba tla tsaa dikgato tse di duleng mo tseleng di akaretsa go ba gobatsa kgotsa gone go ba gapela botshelo. A re ngwana o tshwanetse go fiwa boikarabelo le nako mme fa a paletswe ke seelo se se beilweng, o otlhaiwa ka thupa. E rile a ba kgwa dikgaba, Rre Molefhi a supa fa tlhaelo ya melemo mo dikokelong e ne e bakwa ke gore ba ba neng ba neetswe boikarabelo jwa go rekela puso melemo ba ne ba sa dirisane le barekisi ba melemo ka fa go neng go dumalanwe ka teng, ka jalo dikompone tsa melemo di ne tsa emisa tirisano mmogo eo. A re ba dirisa dibi tsa dikgomo ka mogote wa teng o di siametse go na le dikgong tse di mogote o montsi e bile o feletsa o di thuba. O kopile madirelo ka go farologana go rotloetsa dikgwebo tsa bone. Mogokgo wa sekole se segolwane sa Moeng College, Rre Abram Thapedi, a re ga a itumedisiwe ke maitshwaro a bana ba sekole sa gagwe. Mo go tse dingwe Kgosi Mokgatla o boletse fa bangwe banana ba tsweletse ka go tlhorontsha kwa merakeng ka go utswa leruo, a re le fa banana bao ba otlhaiwa ba boa ba dira molato o gape. Le fa go ntse jalo a re, kgaolo ya gagwe e nnile lesego go bo puso e rebotse gore mo go tsone tse di le lesome le bone tse di tlaa dirwang, ditsela di le pedi di wela mo kgaolong ya Thamaga-Kumakwane. O tsweletse ka go kgothatsa dikgosi gore di leke ka thata go kotela batho gore ba se ka ba latlha dingwao tsa bone. A re puso e tshwenngwa ke gore e ipeetse seemo sa go bo e nyeleditse lehuma la nta ya tlhogo mo Batswaneng botlhe ba ba kobo dikhutswane ka ngwaga wa 2017, mme potso ele gore a kgaolo ya mokwena e tlaa kgona go fitlhelela seelo se se beilweng. O lebogile le ba mogolwane wa poso ya Gumare, Rre Dumane Philime, go bo a amogetse kopo ya baoki, go dirisa lefelo la poso go tsiseditse bagodi dijo, a re le gone go supa tshwaragano mmogo ya babereki mo motseng wa Gumare. Mopalamente o kopile dikgosi go nna di ntse diba gakololola ele mapalamente le makhanselara mogo tse di tlhokegang go dirwa mo motseng. O ne a tlhalosa fa go ne gosena madi a a neng a seegetswe kwa thoko e le a leobo mme madi otlhe a a neng aaga leobo leo a a tshwarang P167 793 a ne a tswa mo badiring ba lephata la gagweka ba ne ba na le maikaelelo a go direla banni ba motse wa Manaledi. O boletse fa setopo seo se nyerile mme go supega fa ele sa motho senna, a ka tswa a le fa gare ga dingwaga tse masome a mabedi go ya kwa go masome mararo. Dikgang tsa bogosi di a tshwenya - Sekai Rre Kalantle are maikaelelo a lenaneo leo ke go fa Batswana sebaka sa go itlhotlhora manonokonko a lehuma. Ba boletse fa jaanong ba tla tshwana le ba metse e mengwe e nang le ditsela tsa sekonotere. Fa a ntsha lefoko la kgothatso mo boemong jwa ba lelwapa, Rre Cornelius Ramatlhakwana o tlhaloseditse Kgosana Ramatlhakwana fa boeteledipele e le selo se sekgatlhang, a mo kopa go etelela morafe wa gagwe motlhofo, go bopa maikarabelo a bone gammogo le go ba akaretsa mo tshwetsong nngwe le nngwe e a e tsayang. E rile a amogela ba tsenelela bokopano mothusa Kgosikgolo ya Batawana Rre Bringle Dithapo a re go botlhokwa go tokafatsa maduo.BOKHUTLO O rotloeditse Rre Phuthego go tswelela a godisa mowa wa tshwaragano o o renang mo Botswana. Kopo e e dirilwe ke modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha kwa Tati, Rre Kgotlaetsho Morakanyane, yo e leng modulasetilo wa lekoko leo, fa ba ne ba rolela morafe wa Letlhakane mabaka a thomo ya bone ka Labobedi. O boletse fa Tautona a bone fa lefathse leno le tlaa fekeediwa ke leuba mme a laola gore monongwaga batho ba thusiwe mo phokoletsong ya tsa temo-thuo le tse dingwe go thusa Batswana mo manokonokong a leuba. Mokgatlho o, o okametse gape le metse wa Nshakashogwe le Marobela O buile jaana kwa phuthegong kwa kgotleng kgolo ya ga Mmangwato fa ba BMC ba ne ba tsile go lekodisa barui ka lenyalo la bone le banka ya ABC kwa Serowe bosheng. Mme Rantatana a re lerato la kgwebo le patagane le go dira ka diatla, ke tsone tse di mo gwetlhileng go simolodisa kgwebo e, a tlatsa ka gore o rata segolo bogolo go kwala dikipara ka go mo fa monyetla wa go tshameka ka mebala le go itshupa bothakga. A re lebala leo le na le dingwaga le beilwe semmuso mme go sena ditlhabololo dipe tse di dirilweng kwa go lone. A re bomme banne kwa pele mo tirong ba nne le tirisano mmogo gore ba tswe ka maduo a bonalang kwa bofelong Mookamela mapodisi a kgaolo ya bokone mme Dinah Marathe ene o ne a rotloetsa mapodisi bogolo jang bo mme go dira tiro ya bone ka botswapelo, a re ba ikopanye ka go dira tomagano. Superintendent Maniki o boletse se mo potsolotsong le BOPA, a tlhalosa fa monna yoo a ne a na le selalome se sengwe se se neng sa ba tswa ka diphatlha tsa monwana. Mme Makgato a re fa e le gore go na le bangwe ba ba bipang mpa ka mabele mo dikgannyeng tsa bogodu jwa leruo, ba itse gore tshenyego ke ya motse wa bone mongwe le mongwe wa amega ka gore nako nngwe go ya go senyediwa ene. A re maikaelelo a lenaneo leo a tlaa fokotsa dikgotlhang tsa boswa mo malwapeng. O kaile fa ba tlhoka P30 000 go reka batshameki mogodimo ga moo ba tlhoka le one madi a go reka didirisiwa tsa ikatiso. A re le ntswa a kwataboloditse mo go rraagwe, o ntse o tsweletse ka go kopa thuso mo bagakeng ba balemi ba merogo jaaka Rre Andrew Ncube wa Shashemoke. A re fa motsadi a otlhaya ngwana ka go mmetsa ga a kake a tshwarwa, ka o a bo a mo tsenya mo tseleng. Mmuso wa re le fa dipuisanyo tsa dituelo tsa bodirelapuso di santse tse di tsweletse, se ga se a tshwanela go lomeletsa badirelapuso ba eseng maloko a makgotla a babereki kgotsa ba maemo a bone a sa ba letleng go nna mo makgotleng a. A re botlhokatsebe bo fokotsegile kwa Moshupa ka jaana batsadi, barutabana le ba bogosi ba bereka mmogo go alafa bolwetsi jwa botlhokatsebe ka thupa. O supile fa mo ditlhophong tse di tlang go tlhopha go dirilwe motlhofo ka go tlhomaganya maina ka ditlhaka go na le ka dinomoro jaaka go ne go diragala pele. O ne a kopa batabogi go ikgapha mo ditirong tse di ka ba kgoreletsang go supa botswerere jwa bone, mme gape tsa senya le matshelo a bone. Mme Ramosoka o gakolotse bomme gore ba lese go robala ka ditlhaloganyo le matsogo ka jaana madi a ka dirwa ka ditsela tsotlhe go leka go itshetsa. A re puso e tshwentswe ke bomaipaafela, ke ka moo go ntshitsweng lekoko le go tla go batlisisa ka dikgang tsa mofuta o, a tlatsa ka gore morafe ke one matlho a dikgosi, ka jalo a re ke bone ba ka thusang gore ditshekatsheko tse di atlege. O ne a tlhalosa gore mo nakong eno ya letlhoko la madi, maikaelelo a puso e ne e le go nama ba okeditse kokelo ee leng teng gore e fe ditirelo tse di batileng go tshwana le tsa sepatela, mme a re se ga sena go itsa go agiwa ga sepatela se se akantsweng motlhang madi a bonalang. Fa a latlhela la gagwe, Kgosi Letsebe Mpete o tlhalositse fa Major Ramatlhakwana a tsena mo thulaganyong e e bokete ya bogosi. Molaodi wa kgaolo ya Kgalagadi, Rre Patson Dibotelo fa a akgwa kgosi dikgaba, o ne a supa fa ba tlaa sekaseka le go buisana le ba ba lebaneng ka kopo ya gagwe ya tsela. Kwa Kuke banni ba ne ba lela ka tlhaelo ya metsi. Modulasetilo wa lephata la kabo ditsha mo kgaolong potlana ya Shakawe Mme Kukumbera Morotse o kopile banni ba motse oo go kwadisa ditsha tsa bone go thusa go rarabolola dikgotlhang tsa lefatshe le gore setsha sengwe le sengwe se tle se fiwe nomoro. A re mo motseng wa Sebina kgokgontsho e bomme ba le bantsi ba kopanang le yone ke ya dikiteo fa borre bone ba itemogela ya kgobero maikutlo e ka tswa e le ditlhapa go tswa mo bakapelong ba bone kgotsa dipuo dipe fela tse di sa jeseng pelo monate. Mo ngwageng o tlang, lekgotla leo le tla tsaya loeto go ralala lefatshe leno le buisanya le banana ba dikole tse dikgolwane go ba ruta ka tlhopho. A re sebe sa phiri ke gore palo ya motse wa bone e nnye, mme ba batla gore ba nne le mokhanselara wa bone gore kgaolo ya bone e tle e sekegelwe tsebe. Rre Oats o ne a kopa baithuti go tsaya malebela mo go ene ka go bereka ka natla, ka dinako tsotlhe go nna le ponelopele go sa kgathalesege gore ba kopana le dikgwetlho tse di ntseng jang, a kaya fa go le botlhokwa ka go busetsa maduo a a molemo le gore mongwe le mongwe o ja mofufutso wa phatla ya gagwe. O tsweletse ka go tlhalosa fa seemo se sengwe se se tshwenyang e le sa basha ba ba iphitisang dino mme morago ba dire ditiro tse di segang tsebe ka ba kgona go robala mo ditseleng le go lwantsha ba bangwe. Ofisi yame ke gone mo lwapeng le lame ngwanake, ke bua Sesarwa se se kwa teng, le fa Basarwa ba metse ya bo Khwee, Malatswae, Mmea le Xere ba bua puo e le nngwe mme e farologana fale le fale nna ke kgona go ba ranolela botlhe, a latlhela. O kopile borre go fetola boitshwaro jwa bone mo go kgokgontsheng bomme le bana. O tsweletse a re, go nale bana ba ba kgoreletswang go ithuta ke seemo sa malwapa a ba nnang mo go one ,a tlatsa ka gore, le mewa e go tweng ke ya ga saatane e e jweleletseng mo baneng, e tshwanetse ya rarabololwa ka go fa baruti sebaka sa go rapela gangwe le gape kwa dikoleng. Botaki ke nngwe ya ditiro tsa diatla tse go tlwaelesegileng e le tsa borre. Rre Majaha o ba tshepisitse fa a tla tswelela ka go emela dikeletso tsa bone le go tsweledisa ditlhabololo tsa kgaolo ka jalo a kopa maloko go tlhokomela dikarata tsa bone tsa Omang le ya ikwadiso ditlhopho gore ba kgone go latlhela tlhopho ya bone ka Phalane. A re ba nale dikgang tse di senang ditharabololo le ba matlhabelo a Botswana Meat Commission ka jaana ba ja dikgomo tsa bone sesolo ka ditlhotlhwa tse di kwa tlase. Badiri ba matlhabelo ba kaile fa le bone ba monetse marulana pele ka go iphapa le go obamela dikgakololo tsotlhe, mme ba bolela fa sebe sa phiri e le gore tiro ya bone e ba patika go bereka ba atumalane thata. Rre Bolepya o akgotse batsadi go jwala mowa wa go itirela mo baneng le go tlhoafalela temo ka jaana temo thuo e le mokwatla wa itsholelo ya lefatshe leno. Kgosi Malope II wa Bangwaketse o kopile makhanselara a kgaolo ya Borwa go tsena diphuthego tsa kgotla fa a di biditse. A re dilo di tshwana le dintwa, matlhapa le dikomano ga di a tshwanela go dirwa fa pele ga bana kwa malwapeng, ka se se ka ama maikutlo a bone, mo go ka felelang go dira gore ba seka ba ithuta sentle. Dibui ka go farologana kwa thapelong eo, ba ne ba supa fa ba tshwentswe bogolo jang ke dikotsi tsa tsela e e tswang Lobatse go ya Ramatlabama, ga mmogo le borukutlhi jo bo dirwang bogolo jang ke banana ba gantsi o fitlhelang ba itshietse bojalwa. O tsweletse ka go supa fa le dipula tse dintsi di ka rotloetsa go ntsifala ga setlhare se. Dikgosana di tlaa atswiwa Nna ke ne ke di itheketse fela go lema ke jela mo ganong le go kgabisa lelwapa, mme ka lemoga fa nka oba letsogo ka batho ka bontsi bogolo jang bomme ba ne ba di kgatlhegela. Mogwebi yo mongwe, Mme Constance Matenge, yo ene a itshetsang ka go lema le go rekisa ditlhare, le ene o ne a supa fa palo e e kwa tlase ya morafe wa motse wa Mambo e ama kgwebo ya gagwe. A re matlapa a ne a dirisiwa ditiro tse di botlhokwa jaaka go bua diphologolo le go suga matlalo . Inspector Gaborone o tlhalositse fa monna yo o a thudilwe ke koloi ya modiro wa Toyota Hilux e e neng e tswa kwa Tsabong go ya Werda jaaka a ne a leka go kgabaganya tsela mo gare ga motse kwa Makopong. A re go tshwaraganela thuto ya bana ke bana-le seabe botlhe go botlhokwa thata ka go tsisa maduo a a nametsang mo dikoleng, mme a kopa baithuti le bone go ikanya thuto le go dira ka natla go ipetlela botshelo jo ba ka sekeng ba bo amogwe ke ope. Kgothatso eo e dirilwe ke moeteledipele wa kereke eo Arch Bishop Tshenolo Mautle kwa pulong semmuso ya kereke eo kwa Mabutsane ka mafelo a beke. O buile jaana kwa Khawa mo letsatsing la go isa ditlamelo kwa setshabeng ke maphata a puso go tswa mo Kgalagadi Borwa le le neng le rulagantswe ke ba ofisi ya ga molaodi ka Labotlhano. Kgang kgolo ya baikopedi e ne e le gore a go sekasekiwe gore mealo eo e a tlhabololwa ka e setse e siilwe ke nako le gore go sekasekwe gore fa motho a ne a setse a amogetswe, go bo go fitlhwela a setse a ne a agile a thusiwe go tokafatsa bonno go na le gore a simolole go kopa sesha. A re mo nakong ya gompieno ba tsweletse ka ditiro tse di farologanyeng go leka go kgobokanya madi a a tlaa tlhabololang lebala leo. Kgosi Thwane o ne a gwetlha makalana a puso le a a ikemetseng go leka go rotloetsa bana go tsaya thuto ka tlhoafalo ka e le tsone di ka ba thusang mo isagong. O boletse fa ba thapa barutabana le go fa bana bao dijo e le tsela ya go imolola batsadi morwalo. Le fa gontse jalo, mopalamente Kesupile o boletse fa go santse go nale mathata a tlhaelo ya metsi le motlakase. A re Mmathubudukwane le metse e e mabapi e gatetse pele mo lenaneong la Nyeletso Lehuma mme se se tshwanetse sa iteelwa legofi. Le supile gore le na le tebelopele. O boletse gape gore maikaelelo a bone ke go tla go kwadisa batho ba ba senang dipasa, Omang le sesupo sa boagedi gore ba bone tsela e ba ka ba thusang ka yone. Mokhanselara wa Seole Rre Obed Monkge ene o ne a gwetlha bogogi go potlakela gore dituelo tsa babereki bao di okediwe go itepatepanya le go gola ga ditlhwatlhwa. Rre Philip Wright le ene o ne a iteela kobo moroko a supa fa tshwaragano le neelano e ka isa kgaolo ya bone kwa mankalekaleng. Rre Kgwefane o rotloeditse batsadi go ema ka dinao le go tsaya karolo mo thutong ya bana ba bone. Batswana ba rotloediwa go duela metsi Mogolwane wa theko le thekiso ya kgomo kwa Botswana Meat Commission (BMC), Rre Kenneth Makubate a re karata e e fiwang barui gore ba duelelwe mo go yone e tlaa thusa thata mo go fefoseng dituelo le gone go fokoletsa barui ditshenyegelo go bona dituelo tsa leruo le ba le rekisetsang matlhabelo a bone. Mme Mokobela o ne a rotloetsa batsadi go nna ba lebelela dibuka tsa bana fa ba tswa sekoleng go bona gore ba dira jang mo dithutong. A re ke maikaelelo a khansele go thusa go bapatsa bao ba ba thusitsweng ka nako ya letsatsi la baji bareki le la ipapatso ka ba kgona go rekisa di tsa bone. Thulaganyo ya peo ya Kgosi wa Talaojane, e nna jaana morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Matho Talaojane ngogola, yo e leng rraagwe Rre Oitsile Matho. Bokopano joo ene e le jwa boraro fa e sale kereke eo e simolodisa lekgotla la borre dingwaga tse tharo tse di fetileng. Rre Simako Tsele ene o kopa tokafatsa ya difomo tsa ikopelo mananeo a tshwana le a banana. A re ke boitumelo jo bogolo go bona baeteledipele ba dikereke le balatedi ba diphuthego tsa bone ba tsweletse ka go thusana le mmuso go tlhokomela bagodi ka ele bone ba ba tlhodileng e bile ba diretse lefatshe leno ditlhabololo dile mmalwa faesale lefatshe leno le tsaya ipuso mo go Mmamosadinyana. Modulasitilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse VDC ya motse oo rre Thomas Maphane one a rolela mopalamente matshwenyego le maiteko a bone ,a supa fa badirelapuso baba nang mo matlong a bone basa duele. O supile fa mokgwa o, o ka tlhofofatsa tiro ya balemi ka ba ka kgona go fokotsa go ja ga motlhwa mo masimong a bone, a gatelela fa molaletsa o dira gore batho ba nne le mowa wa bojammogo. E rile mopalamente Rre Mabiletsa a araba banni ba motse oo, a supa fa a itse sentle ka seemo sa motse wa bone mme a kopa gore ba lemoge fa ditlhabololo tsa lefatshe la Botswana di bereka ka thulaganyo ya lenaneo la ditlhabololo. Lefa gone go na le mathata, mme Jane o solofela gore e tlaa re nako nngwe a bo a na le madirelo a a duleng diatla. Mme Mosala o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mmino wa Polka e le mmino oo simologileng go tsena dikgaisano tsa malatsi a ga tautona go simologa ka ngwaga 2011 ka ditlhopha di le nne fela mo kgaolong ya Kgalagadi. Rre Lesedi a re le fa go ntse jalo, go bua go le nosi ga go a lekana mme bana ba tlhokana le botsipa kgotsa bokgoni le kgothatso ya go tsaya ditshwetso tse di siameng. O gateletse gore, e re le ntswa a lebanwe ke dikgwetlho, go motlhofo go bona didirisiwa tsotlhe tse di tlhokang go dira dithoto tsa gagwe. Motlhala wa komiti o a bonala Kgokgontsho ya bong e gaketse O boletse fa puso e remeletse thata mo go tokafatseng mananeo a a itebagantseng le go tokafatsa botshelo, a tshwana le la Ipelegeng. A re o solofela fa borre ba tla emisa go tsaa ditshwetso tse di sokameng fa ba nale mathata, a supa fa go ipeela mathata mo pelong go sa siama ka go ama le jone botsogo jwa motho mme e bile gape go ka baka le tsone dipolaano tsa baratani. Mme Phindela o ne le ene a supa fa dikolotsana tseo di tlaa seke di thuse fela baamogedi ba tsone. Rre Kebafitlhetse o kaile fa go le botlhokwa gore batsadi ba tsee thuto ya bana tsia ka gore seo se ka rotloetsa bana le bone go e tsaya ka tlhoafalo. A re go na le le go tlhoka go tiisa mo tirong kwa dikgaolong mme a ba rotloetsa go dira lenaneo la go tokafatsa maduo. O bile a tlhalosetsa fa babereki e le bone ba lemogileng molelo oo fa ba ntse ba dikologa le lehuti. One a supa fa a setse a nnile le bokopano le bagokgo ba dikolo go bona gore matsapa dia tsaya kae maduo mo dikolong ale ko tlase jalo a santse a tsweletse le dipuisano tse a tshwaragnye le dikgosi. E re ntswa diphetogo di le kalo kalo, re tshwanetse go bona go re ga re tsewe ke phefo, jaaka Setswana se buwa, mala a gamolelwa mo sesaneng, mme ke dumela gore Ntlo ya Dikgosi e ka batla sesana seo se re ka bofelelang mala a bokamoso jwa setshaba mo go sone. Dr Kedikilwe a re Tautona o ne a ntsha lekoko le le neng le eteletswe pele ke modulsetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Puso le le ntshitseng megopolo ya seemo sa matshelo a Batswana, a tshwana le boitshwaro, setho le botho. O ba gwetlhile go ema ka dinao go fetola seemo ba bo ba boela mo maemong a bone a go lere kagiso mo matshelong a ba ba tshelang le bone. Fa a bua ka maikaelelo a Dikgafela, Kgosi Oscar Mosielele wa Moshupa a re go botlhokwa go ipelela dikgafela ka di supa konokono ya botshelo jwa Motswana ebong temo-thuo le go ja mohuhutso wa phatla. Rre Ramolelekwane a re go lemoga seo, o ne a bona fa lenaneo leo le le bogadi bo gaufi mo go ntsheng le go tokafatsa maduo, ka le epolola bokgoni botlhale le botswerere jo moithuti a nang le jone. Ba supile fa ba batla sekole se ba saleng ba se solofetswa se segolwane kwa Ngware. Mme Segopa o ne a lebogela bogogi jwa kgaolo bo akaretsa ofisi ya ga molaodi, ba botsogo le ba sepodise go dira ka boineelo go bona gore seemo se nna mo taolong go sena makgwere. E re dikgang di eme jalo, Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi erile ka Labobedi a bolela fa go tlaa nna le seemo sa tshoganetso mo lefatsheng leno, ele tsela nngwe ya go lwantsha COVID-19. O tlhalositse gore fa a re manyalo a tla a tswalelwa ga a reye gore beng ba manyalo ga ba kake ba keteka ditseo tsa bone tse di setseng di pegilwe. O ne a re kereke eo e supile gore e tlotla bagolo thata a gatelela seo ka mafoko a a mo Baebeleng a a reng bana ba tshwanetse go tlotla batsadi. Ntebele ke go lebele o mosola Rre Mautle a re go balwa gaditalama le thomamiso ya tsone go tsere lebaka le le leele, batlhophi ba kgaoloeo ba ne ba tletse ka boitumelo, ba opela ba letetse maduo kwa ntle ga terataya kwa go neng go balelwa ditalama teng bosigo jothe le letsatsi le lelatelang. A re o ile a tlolwa ke pelo bosheng fa a di fitlhela mo tshimong ya gagwe mme a felela a itseela molao mo diatleng a thuntsha tse pedi. Rre Kgonkane o lebogile go menagane ba ofisi ya Omang le kwadiso matsalo le dintsho tswa Letlhakeng ka go tsamaya mo kgaolong ba kwadisetsa batho Omang le go rutuntsha setshaba ka ditlamelo tsa ofisi ya bone. Ba ikuetse mo go mothusa tona gore badirelapuso ba rotloediwe go reka dithoto tsa bagwebi ba mo gae le go ba neela dithendara. A re ba diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba ya ngwaga wa 2016 la setshaba se se lerato e bile se le kutlwelobotlhoko. O rotloeditse batho go itisa kgatlhanong le bolwetse jwa Malaria jo bo ka nnang jwa tlhagoga ntateng ya dipula tse di gosomaneng mme tsa tlhogisa bojang jo bontsi mo kgaolong. A re bana bao ba ne ba tlhalosa fa ba sa kgone go ya sekolong ka ba sena ditlamelo tse di akaretsang dijo le paka ya sekolo, mme ba ya go ba kopa semmuso ka thuso ya bo mmaboipelego. Makalana a a ka fa tlase ga lephata la papadi le madirelo a tsere matsapa a isetsa ba-na-le bogole ditlamelo e le tsela ya go ba kgothatsa go tsena mo dikgwebong. O tsweletse a tlhalosa fa a ile a dira kopo ya go fudugela kwa masimo kwa a teng mo nako eno go tsweledisa temo ya gagwe teng ka ana le sediba se a ka pompang metsi mogo sone mme a atlega mme a simolola go jwala ditamati a kgona go di nosetsa sentle. Lephata la botsogo le kopile puso gore le ipaakanyetse dikoloi tsa lone go lwantsha seemo sa letlhoko la dipalamo. Mosekisiwa o ipone molato fa pele ga lekgotla mme ya re go lebilwe go atlholwa, moikuedi Mme Thomas a kopa gore kgang e tshololwe ka e setse e builwe ke botsadi. Rre Molefhi o ne a supa fa mmaraka wa thekiso ya ditlhapi o le kwa godimo ka le ba bongaka ba supile fa nama ya yone e siametse botsogo jwa motho ka e sena mahura a mantsi. Rre Ramotsababa o kaile fa ba na le kgwetlho ya letlhoko la metsi mo sekoleng seo e le kgwetlho, ka ebile ba kgona go tlhoka le yone thothi e e ka apeelang bana kana gore ba ka tlhapa. Mme Boingotlo a re ene ka a ne a na le lorato le go nna pelotelele a seka a ipona tsapa mme a tsweledisa kgwebo e, mme a tlhama kompone a e bitsa Motswedi Laundry. O ne gape a re ba setse ba simolotse go dira dikganela molelo le go isa bodiredi kwa dikgaolong tse di tshabelelwang ke molelo go ela seemo tlhoko. Dr Madigele a re o lemoga fa kokelwana ya Botshabelo le Tapologo di sa tswalwe le gore dikokelwana tseo di na le tsa pelegi se e leng maiteko a a kgotsofatsang. O tlhalositse fa ntlwana e, e tlaa kganela gore banni ba Zoroga ba tsenwe ke malwetse ntlheng ya matlakala a didirisiwa tsa kokelwana. Dipolase le moepo di baya morafe ka fa mosing Dr Tombale o tsweletse ka gore le fa bangwe ba re ga ba rekisetse BMC, ba tshwanetse ba itse fa ditlhwatlhwa tsa kgomo mono di bewa go lebilwe gore BMC e reka dikgomo ka bokae. Mo go tse dingwe, o ne a gwetlha batsadi go nonotsha dipuisanyo tsa bone le bana kwa malwapeng ka dikgang tse di amang tlhakanelo dikobo. A re mpho ya paka ya sekole e tlaa thusa khansele-potlana ya Bobirwa go fokotsa ditshenyegelo ka e dirisa P7 million go tlamela bana ba batlhoki ba le 981 le masiela a le 1 604. Thuso ya potlako e botlhokwa Mme Manyemudzo Baikepi wa Goshwe mo kgaolong potlana ya Tutume o ikana gore ga gona se se tlaa mmusetsang morago mo go batleng ditsela tsa go itshetsa. Mo go tse dingwe, Rre Bogosi o boletse gore lenaneo le la dikgaisanyo tsa dikgaolo le tswelela ka go tlhabologa, a tlatsa ka go re lenaneo le le ngokile banana ba feta makgolo a matlhano, ba ba fetetseng mo legatong le lengwe ka tsholofelo ya gore ba bangwe ba tlaa ithuta mo go ba bangwe. E rile fa a tlhaba mokgosi ka dikgomo tse a di bolaileng, beng ba tsone ba ipona phoso mme ba di tsaya. Go le pele fa a tswala semmuso letshololo leo sebui sa tlotla sa letsatsi leo mothusa molaodi mo kgaolong ya kgalagadi Mme Peggy Kutlase o ne a rotloetsa le go gwetlha banni ya metse eo go tsaya dithuto tseo ka tlhwaafalo le go di diragatsa. Mme Ponoesele o buile jalo fa a ne a rolela komiti ya Nata Development Trust cheke ya P62 240 kwa Nata bosheng. Tona wa lephata la boagedi le bong, Rre Ngaka Ngaka, o gakolotse badiri ba lephata la gagwe go dira ka natla le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho. Mogolwane go tswa kwa moepong wa BCL Rre Motsile Sibanda o ne a akgolela sekole sa Moeng College go dira sentle mo go tsa metshameko. O kopile gore didirisiwa tsa kago ya hoko ya dikoko le tsa ditshingwana di goroge ka nako gore morafe o kgone go itshetsa. A re ke kereke e e dirileng molaomotheo o o tlhabolotsweng ka ngwaga wa 1999, mo godimo ga moo e na le dikomiti tse di farologanyeng go tsweledisa le go godisa leina la dikereke tse dingwe tsa yone go dirisiwa lekgotla le le tsamaisang kereke komiti ya ditlhabololo, ya banana le tse dingwe. E ne erile a ba amogela mo toropong ya gagwe, Kgosi Segale Letshele a tlhalosa fa borre ba itlhokomolositse boikarabelo jwa bone jaaka ditlhogo tsa malwapa mme ebile ba tlhotlheletsa botlhoka tsebe jo bo aparetseng tshaba ya Botswana. A re dituelo tsa ba Ipelegeng le tsone di tla okediwa mo bogaufing, le fa go ntse jalo ga a bolela gore go tla oketswa ka bokae. Mongwe wa banyalani, Rre Orapeleng Khani a re e sale a nna le mosadi wa gagwe ka 1970, ba na le bana ba ba godileng. O ne a supa fa kgotla e le lefelo le le tshwanetseng go tselwa kwa godimo le go tlotlwa ka e le la therisano le go lere kagiso mo setshabeng. Mongwe wa banni ba motse oo Rre Basimanyana Masire o ne a iteela mafoko ao kobo moroko, a tlhalosa fa motse wa Thankane go sena kwa o golelang teng. O tlhalositse fa ba na le mathata a metsi fa ba aga dikago dingwe tsa puso ka go tlhokega gore go bo go na le pompo e ba senang le yone mo kgotleng. Ntlhopheng wa bopalamente wa kgaolo ya Serowe Borwa, Rre Lesedi Phuthego, o rotloeditswe go tshwaragana le makhanselara gore ba thuse Botswana Democratic Party (BDP) go fenya ditlhopho tsa setshaba. A re ditiro tsa botlhokatsebe mo motseng di tsweletse ka go golela pele ebile di diga seriti sa motse. A re go lebega ngwao e gomagomediwa ke go nyelela jalo a lemotsha morafe fa go le mo maruding a one go ikitse le gone go ipela ka se ba leng sone.BOKHUTLO O supile fa LEA e tsaya megopolo ya ba ba batlang go dira dikgwebo mme ba e tlhotlhe go ba thusa gore kgwebo e ka tsamaisiwa jang, a re seo le sone ba se dira fela ba sa lope dituelo dipe. Ka jalo Kgosi Kgamane o ne supa gore o tlaa roma motho yo o ntseng a tlhokometse banni ba Makgaba pele, a re ba tshwanetse go aga kgotla. Rre Peter Kafuro ene o tlhalositse fa motlobo wa dibuka o tlhofofatsa thuto ya bana, ka ba ikoketsa e bile ba batlisisa ka se ba se rutilweng mo go tseneletseng. Rre Bernard Letsididi o ne a re ba pega dikgomo tsa bone ba na le mabaka jaaka go dirisa madi a teng mo lesong kana lenyalo, a re fa e tsaya lobaka go felela go sa ba thuse. O tlhaloseditse baithuti fa boitaolo le bodipa di se na maduo ape a mantle mme phelelo ya tsone e le loso, a tlatsa ka gore baithuti ba tsweletse ka mekgwa e e bosula ka e bile o fitlhele ba loba ba ba ba dirileng molato gore batle ba kgone go otlhaiwa tse ba di dirileng. A re kgaolo ya Mogoditshane e tsweletse ka go hupediwa ke dikgang tsa bo maipaafela ba ba sa amogeleng dikgakololo ka bodiphatsa jwa ipaya lefatshe kgatlhanong le thulaganyo ya peo ditsha ka fa molaong. A re diphaposi tse tharo tsa motlaleletsa tse di agilweng ke ba sesole di nolofaditse go menagane go abiwa ga ditirelo tsa botsogo mo kokelwaneng ya motse oo. Sengwe sa dilo tse di sa jeseng Rre Moipei diwelang ke gore ofisi ya banana e nyafala go lekola dikgwebo tsa bone gore ba kgone go lemoga dikgwetlho tsa bone le go ba thusa ka maano. A re motse mongwe le mongwe o na le kgosi. Rre Botshoma, yo e leng mothusa mokwaledi kwa lephateng la tikologo, diphologolo le bojanala o ne a itlama go dirisanya sentle le bogogi jwa sekolo sa Nyangabwe le komiti ya batsadi le barutabana go netefatsa gore sekolo se bona maduo a a itumedisang. Rre Mabua one gape a supa fa ban a le dikgwetlho di tshwana le go utswiwa ga leokwane kwa didibeng tse di kgakala le metse.One gape a supa gape fa ba tshwenngwa ke batho b aba nosang leruo metsi a sechaba. Banni ba re kgaolo ya bone e humile dilo tsa tlholego tse di ka tokafatsang itsholelo ya bone mme go lebega ba phuthile mabogo fela go sena sepe se ba se dirang le ntswa kgaolo ya bone e itsege thata ka go aparelwa ke lehuma la nta ya tlhogo. Ka jalo mokhanselara Kebeileng o ne a kopa ratoropo gore badiredi ba tsa motlakase ba theogele bosigo le motshegare gore ba kgone go tsibogela seemo seo ka potlako. O ne a gatelela gore fa e sale banyalani ba ntlha ba ba simolotseng go nyalana ka thulaganyo ya Re a Nyalana ka 2012, ga ba ise ba amogele dikgang dipe tsa tlhalo, ka jalo a kopa batsadi go bua le bana go tlotla le go tshegetsa malwapa. O rotloeditse batsadi gore ba tshwaraganele bana le barutabana ka go tsisa pharologanyo e ntsi mot hutong ya bana le maduo a bone. A re bontlha bongwe jwa madi bo tlaa dirisiwa go duela tante le badiragatsi ba ba tlaa natetshang letsatsi. A re ba rulagantse tshekatsheko ya ka fa moletlo o o tsamaileng ka teng kwa gape ba tlaa buisanang le go bolela maina a dikompone tse di supileng kgatlhego mo go tshwaraganeleng thulaganyo ya moletlo o ngwaga o o tlang. Mokhanselara o lela ka ditsela Ka jalo, a re palamente e ne ya baakanya ditsetlana tsa molao oo, go o atolosa gore o akaretse le borre. O tlhalositse fa maikaelelo a kwadiso eo a gwetlhilwe ke gore ditsha tsotlhe le tsa bogologolo di itsiwe le gore ditsha ga di na dinomore ka di sa potielwa. Fa a rola dimpho tseo, mogolwane wa mapodisi kwa Police College, Senior Assistant Commissioner of Police, Goboletswe Dimeku o tlhalositse fa go ba itumedisa go abela setshaba, a tlhalosa fa Batswana e le tshaba ya bakeresete ka jalo ba tshwanetse go rata bangwe ka bone jaaka ba ithata. O supile fa mohiri wa gagwe ane a tla go mo tlhola a sa mo fitlhele mme ya re letsatsi le le latelang aokomela kwa ntlong ya gagwe ke gone a bo a kgatlhantshiwa ke monko a bo aleletsa ba sepodise. Mme Sesinyi a re ba lemogile botlhokwa jwa go ikopanya le baeteledipele ba dikereke gore molaetsa o kgone go goroga kwa dikerekeng ka di na le dipalo tse dintsi tsa balatedi. Fa a tlhalosa mo puisanong bosheng, Mme Alone o boletse fa a sale a tshwere tiro e go simolola ka nako ya fa lekgotla la ga mmakaseterata le bulwa kwa Letlhakane. Rre Mabiletsa a re o lela selelo se le sengwe le bone mme e bile o itse sentle gore banni ba tlhoka eng; a tlatsa ka gore o tla tswelela a ba kopela tsotlhe tse ba di tlhokang. Rre Sesinyi gape o gakolotse gore dikomiti tsa ntebelakegolebele le tsone di ka thusa ka e bile di rotloetsa bojammogo fa gare ga baagisanyi. A re puso e a leka go lwantsha tshenyetso setshaba e ise e kekele. Superintendent Halahala a re o tshwentswe ke dikgang tsa mothale oo,a supa fa e se tiragalo ya ntlha go diragala e e amang batswakwa bogolo jang ba ba tseneng mono e se ka fa molaong. Tona wa Banana, Metshameko le Ngwao Rre Shaw Kgathi a re lenaneo la Tirelo Setshana le le simololang kgwedi ya Moranang e rogwa le bone dikopo di le 26 000 mme mo go tsone banana ba le 15000 e le bone ba tlaa simololang go tsaya karolo mo go lone. O ne a supa fa puso e tsere tshwetso ya gore melala ya dikoloto e tlaa re mo kwadisong sesha e bo e seegelwa kwa thoko, kana e phimolwa, mme a kopa setshaba go dirisa monyetla wa go nna jalo. Balemi ba Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba gakolotswe go tlhomamisa gore ba tshwara ditshefi tse di lwantshang diji le mhero ka kelotlhoko le pabalesego e e kwa godimo, ka di ka nna borai fela thata fa di sa dirisiwe sentle. O ne gape a kgotlhatsa banana go tsaya mananeo a puso tsia ka a k aba tlhabolola. A re go dira jaana go tlaa thusa morafe go tswakanya itsholelo le gone go tsisa ditlhabololo mo metseng ya bone. A re se se ka thusa gore fa motho a na le matlhasedi a kankere ba bongaka ba kgone go lemoga go santse go na le nako gore ba mo tsenye mo kalafing. Ba re ka go lebega lenaneo le le dirisiwang mo nakong eno la go duela le le bonya ba kopa gore batho ba duelwe ka dicheke. Kgosi Lotlaamoreng o ne a tshwaela ka gore maloko ga a rutuntshitswe ka tsamaiso ya mokgatlho fa ba setse ba tshwere tiro. A re puso e tsere tshwetso ya gore go boelwe gape kwa Batswaneng go utlwa gore kgang ya bojalwa ba e bona jang. A re pilara ya letshego la tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso ka 2016 e akaretsa le bone gore e bo ba tlhaloganya sengwe gape gore pilara e e ka atlega fela fa ba ka se ikgogele kwa morago. Mokhanselara yo o itlhophetsweng Rre Baobonye Loeto o boletse fa babereki ba lephata la leruo ba le botlhokwa fela thata ka le tshwere matshelo a Batswana jalo a rotloetsa badirelapuso ba ba direlang mo go lone go bereka ka tlhoafalo go thusa setshaba. Le fa go ntse jalo, o boletse fa lefatshe la Botswana le sa kganele batswakwa go tla go bereka le go nna mono mme batswakwa ba tshwanetse go sala ditsamaiso morago fa ba batla go nna kgotsa go berekela mono. A re nako e nngwe o dira furu ka go tlhakanya tshetlho le matlhare a setlhare sa morolwane, a di thuge mmogo di omile. Ke setse ke kgonne go ithekela dikoloi tse pedi, mme e bile ke dirile ditlhabololo mo tshimong e jaaka go gokela motlakase,a bolela jalo. E rile a bua kwa pulong semmuso ya bokopano joo ka Matlhatso, modulasetilo wa lekgotla la borre, Rre Gaaipone Lesedi, a tlhalosa fa ba na le maikarabelo a magolo a go bona gore melawana ya kereke e a diragadiwa e bile e salwa morago ka fa go tshwanetseng. Puso ga e na madi, ka jalo boikarabelo jwa rona re le batsadi bo a tlhokega, Rre Phuthego a tlhalosa. Mme Motswetla, yo e leng leloko la Thapong Visual Art Centre, o supile fa ditshupo tsa botaki tse a kileng a di tsenelela di mo file sebaka sa go supa tiro ya gagwe. A re e re ntswa gotwe ba thusa ka go ba gela metsi ka tanka ya jojo seemo se se tshwanetse sa potlakelwa ka bonako bogolo jang go thusa balwetse le ba bangwe. Mo letsatsing la go ipelela thobo kwa kgaolong ya Lecheng, mogokgo wa sekole sa Botswana College of Agriculture, Dr Mataba Tapela o boletse fa dipaka tsa dipula di fetogile ka jalo balemi ba kgoreletsega go itse gore nako e e siametseng temo ke efe. A re ka jalo go botlhokwa gore makalana a a ikemetseng ka nosi a thuse puso fa a kgonang teng, a tlatsa ka go re go ka nna molemo fa lephata la thuto le bona dithuso, ka seo se ka fokotsa letlhoko la didirisiwa tsa thuto mo dikoleng, mme go nna teng ga didirisiwa tsa thuto, go nonotshe thuto. Se, go ya ka mogopolo oo, ke go ba lebogela tiro e ntle e ba e dirang mo go lekeng go tlhabolola thuto. A re go setse go na le bagolo ba le lesome le botlhano ba ba mo ga-e-golelwe mme botlhe ba tlhaga ka tiro ya bone. Mothusa motsamaisa lekgotla legolo la ditsheko a lebagane le tsa tsamaiso, Mme Tshegofatso Mogomotsi o beile barongwa ba makgotla a ditsheko dintlha di ferabobedi tse makgotla a duleng ka tsone go tokafatsa seemo sa tiro ya bone. O boletse fa seemo sa go nna jaana se le borai ka jaana batho bangwe ba feletsa ba itseetse molao mo diatleng ka ntata ya tiego ya dithuso tsa sepodise. Rre Matlhabaphiri o rotloeditse banni go dirisa lenaneo la Ipelegeng go dira dingwe tsa diofisi, a re go ka tlisa pharologanyo mo letlhokong la diofisi. Ba ne ba ngongoregela dikompone dingwe tse di sa saleng melao ya phiro le pereko morago sentle ba supa fa bangwe ba thapa batswakwa ba ba senang diteseletso tsa go direla mo lefatsheng leno. Kgosi o supile matshwenyego ka pabalesego ya batho ba ba nnang go bapa le letamo la Gaborone, a a re o tshwenngwa ke pabalesego ya bone mo dirukhutlhing le mo dipuleng. A re o simolotse thuo ka dipodi tse supa, a tlhalosa fa dihutshane di tlhoka tlhokomelo e e tseneletseng gore di ate. Mo phuthegong eo go ne ga nna le sebaka sa go tlhophololwa ga komiti e kgologolo le go tlhophiwa ga e ntsha. O ne a tlhalosa mo potsolotsong gore ga a tlhabisiwe ditlhong ke go sela matlakala a a akaretsang dipampiri tse di phuthelang dijo, dikgethe tsa matsela le dipampiri ka go farologana gareng ga tse dingwe. Mme yo o kaile fa a belaela gore noga eo e tsene mo ntlong ka letlhabaphefo ka a ne a le bula mo lengweng la malatsi mo bekeng eo. Mo go tse dingwe, Rre Ngande o ne a tlhalosa fa a lemile furu, e e tlwaelesegileng ka go bidiwa lab-lab. Khansele ya Gumare e na le thulaganyo e mo go yone Laboraro mongwe le mongwe ba tshwarang dithapelo go ipaya fa pele ga ramasedi. Rre Kalantle o ne gape a supa matshwenyego a gore toropo eo e tlhokana le go lengwa ditlhare a tlhalosa fa e sa kgatlhise. Kgosi Mosadi wa ga Malete o supile fa mongwe le mongwe a tshwanetse go tsaya kgato mo go fokotseng tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi. Ba kgalelwa go nna maoto a tshupa Baruti ba ne ba bolela fa ba bone go le botlhokwa gore mowa wa kutlwelobotlhoko o simologe ka bone, mme ba gopole ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. O buile seo mo potsolotsong le lekalana la BOPA bosheng. Moeteledipele wa botsogo le pabalasego wa meepo ya Orapa,Letlhakane le Damtshaa(OLDM) Rre Badiri Motlaleng o tlhalositse fa tshomarelo ya tikologo e le maikarabelo a batho botlhe. O kopile bomme go nna ba le podi matseba dinako tshotlhe, bogolo jang fa ba le kwa masimo ka gore dipula di tloga di phaila gore bomme ba boele gape kwa masimo go ya go lema. Ramapodise o ne a kopa banni go loma mapodise tsebe fa go sa ntse go na le bangwe ba ba sa ntseng ba thapile batswakwa ba ba berekang mono e se ka fa molaong. Se se tlhalosa diphetogo tse ba mokgatlho wa sefapaano se sehibidu e se diretseng bangwe mo go feletseng go fetotse matshelo a bone, ke ka moo re ipelela bokgoni jwa mokgatlho o o ikaegileng ka go thusa batho. Fa a tswa la gagwe, mothusa kgosi ya Machaneng, Rre Shadrack Sarona le ene o supile fa boitshwaro ja banana bo dule mo taolong gotlhelele, a supa fa e rile bosheng ba letsa moretlwa e se ka maikaelelo. Rre Phiri o tlhalositse fa thuto e le lesedi, a supa fa bana ba dirile sentle le ntswa ba le kwa motseng o o kgakala le ditlamelo. O boletse fa borukutlhi bo tshwana le go kgothosa le go thuba matlo bo wetse tlase jaaka fa e sale go simolodisiwa lekgotla la twantsho borukutlhi. A re seo se tlaa dira gore ba kgone go bontsha batho kwa ba ka bonang thuso teng motlhofo fa ba batla thuso mo maphateng a mangwe, go na le go ba isa kwa le kwa. Ba ga Ngwaketse ba ne ba atla tshwetso eo, ba supa fa e tlaa thusa gore kgotla e seka ya sala e sena le fa ele motho. Ba itlama go dira temothuo kgwebo O ne a ba lekodisa ka ipelelo dingwaga tse di masome a fera bobedi lekgtola la BTU le ntse le le teng, a re ba ipaakanyetse moletlo oo. O supile fa dikgwetlho tse ba kopanaqng le tsone e le go senyega ga dikoloi mo go felelang go baka tiego mo go phutheng matimela, mme a tswelela ka go supa fa ba dirisa teraka e le nngwe mo e reng fa e senyegile go bake tiego. Mogolwane kwa ofising ya thuto kwa Tutume, Rre Kenneth Habana o ne a lebogela thotloetso ya ga Rre Mabutho a re se se supa lerato le kemonokeng mo dikoleng tsa Tutume, mme e bile e le motsadi tota yo o itseng botlhokwa le mosola wa thuto mo baneng. O tlhalositse gore ponelopele ya gagwe ke go ipona a okeditse mabeelo kgotsa mabokoso a a beelang dinotshi, a hudugetse kwa tshimong ka ga jaana a santse a di ruetse mo lwapeng. E rile ba akgela morago ga mafoko modulasetilo wa khansele Rre Jeffrey Sibisibi kwa Molepolole ka Mosupologo Lwetse a tlhola gabedi, mokhanselara Segwagwa o ngongoregetse gore batho ga ba eme ka dinao fa kgosi a tsena. A re ka dinako tsotlhe, go sa kgathalesege gore e opelwa fa kae, pina e ke letshwao la Batswana. O buile gape gore mo dipoelong tsa bone, ba boloka madi a P50 mo leltoleng mme a mangwe ba ikamogedise. Ka jalo ga a ipone tsapa go ralala sekgwa go batla legong le a ka le dirisang go betla. Kgosi Bock o ne a supa fa ngwao e le botlhokwa mme e tshwanetse go fiwa seriti gore e seka ya nyelela e kaya fa batswana ba tshwanetse o gata le go kopa se batlapele ba lefatshe leno ba neng ba se dira bogologolo. Modulasetilo Tshenyego o supile fa dikai tsa bolwetse jwa Coronavirus di tshwana le tsa mhikela, kgotlholo le go hupela, ka jalo a rotloetsa botlhe ba ba supang dikai tseo go itekodisa ba bongaka ka bofefo jo bo kgonagalang le fa ba ise ba etele gope le go tlhapa diatla ka molora. A re mme tse tsotlhe maikaelelo a tsone ke go tlhama ditiro le go fokotsa lehuma. Rre Lelatisitswe a re fa ba dira tse tsotlhe tsa ditlhabololo ba rerise morafe pele. O ne a ba solofetsa gape fa lephata le tlaa dira ditsamaiso tsa go rotloetsa maphata a puso go tlhomamisa gore ditirelo tsotlhe tsa dikago tsa puso mo Kgalagadi Bokone go rekwe kwa go bone gore ba kgone go itshetlela. Baphuthegi ba kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) e e itsegeng ka leina la Lontone go tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe ba ne ba tshologetse kwa Kang ka letsatsi la Matlhatso go tla go ipelela letsatsi la thobo le go abelana. O ne a leboga Mohumagadi Francinah Maotwe, yo e leng ene a duleng ka mogopolo wa go rulaganya moletlo wa peo ya kgosi. Batsaya-karolo ba rapelela tsela Mme Tshireletso yo a neng a patilwe ke molaodi wa kgaolo potlana ya Mahalapye Mme Malebogo Ramatu, a re ke tshwanelo ya bone ele babusi ba lefatshe la Botswana go akgola kereke ya Sabata le baeteledipele ba yone ka ba nnile le seabe se se golo mo go tlhabololeng thuto ya lefatshe leno ka go aga dikole dile mmalwa tse dipotlana le go aga kokelo kwa motsing wa Kanye. O kopile balemi go dirisa mananeo ka fa tshwanelong a tlatsa ka gore go dira jalo ke go senya bokamoso. A re a seka a ikgagapelela tiro a nne a roma ba ba mo tlhatlhamang, a bo a re fa a na le kgwetlho a bone gore o ka e rarabolola jang pele ga a ka kopa thuso mo go ba bangwe. Mopalamente o ne a lekodisa banni ka tse di builweng kwa palamenteng e e fetileng tse di akaretsang ditshwaelo le ditshutiso di le mmalwa tsa melao, go akaretsa molao wa kgokgontsho ya bong. A re se se utlwisang botlhoko ke gore ga gona letsatsi la mahala mo dipolaanong tsa baratani. Rre Tlhogo a re ka maswabi, o ne a seka a kgona go ka tsweledisa go roka matsela ka jaana a ne a sena dirisiwa tse di rokang. Mme se se ne sa seka sa emisa barulaganyi ba moletlo o go tswelela ka tsotlhe tse di neng di rulaganyeditswe letsatsi le. Rre Mokapane a re metse e tshwanang le Mookane o o kileng wabo o tumile ka temo ebile o jesa bontlha bongwe jwa lefatse ga e sa tlhole e nale kgatlhego mo temong. A re fa ba ka boela go diragatsa boikarabelo jwa bone le gone go busetsa malwapa mo seemong se se eletsegang lefatshe leno le ka kgona go fitlhelela maikaelelo a lone a ngwaga wa 2016. Kgosi o kaile fa a tshwentswe gape ke go sa tsaya karolo ga batsadi mo thutong ya bana ba bone, selo se a reng se supagala thata ka nako ya diphuthego tse di bitswang ke barutabana tse di nnang di bona tshologelo e e kwa tlase ya batsadi. Mongwe wa banni, Rre Sethanka Nkgowe o boletse fa a na le lebaka le leele a tsentse kopo ya go bewa masimo kwa Medie mme nako kgolo ele eno. Motse o ne wa thaiwa ke morafe wa Barotsi ba ka nako eo ba neng ba bereka mo seporong. A re o ne a thusitswe ka dikoko tsa mae, mme o ne a itemogela fa di tlhokana le go fiwa dijo tse dintsi mme se ya nna kgwetlho mo go ene. O tsweletse a re bomme ba na le seabe se setona mo sechabeng, a bolela gore letsatsi le la bokopano jwa go itokafatsa ga bomme go botlhokwa ka gore go godisa go itsane ga bone le go ne go abelana maele a botshelo le one a tiro tota. Ipaakanyetseng meletlo ya boipuso Mo go tse dingwe o tlhalositse fa kereke ya Unity e simologile mono Botswana ka ngwaga wa 1959 a re mosimolodi wa yone e ne e le St Archbishop Kenaleeng Katjipaha yo o sa tlholeng a le teng mo botshelong, a tlhalosa fa e na le makalana mono Botswana, Afrika Borwa le Namibia. Se se builwe ke Mme Keamogetse Khubu wa motse wa Dikhukhung mo kgaolong ya Borolong yo o inaakantseng le thuo ya dinotshi go iphalotsa lehuma mo potsotsong bosheng. Kgosi Jackalas o bolokilwe Fa a tlaleletsa mafoko a mong ka ene, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Dovedale Rre Isaiah Gaseitsewe le ene o ne a kgala tsamaiso ya nyeletso lehuma mo motseng wa bone. Rre Bokadi o kopile mopalamente go kopana le bogogi jwa kgaolo go buisana ka go bula ofisi e ngwe ya leruo kwa kgaolong potlana ya Charleshill go fokotsa mosuke mo Ghanzi le go fokoletsa batho ba ba tswang kwa kgaolong eo mosepele. Rre Seretse o ne a lemoga maiteko a mantle a bao ba filweng lenaneo, mme a nyatsa tsamaiso ya go abiwa ga lenaneo mo kgaolong ya Kweneng, ntateng ya bodiredi jo bo maoto a tshupa, ka jalo go kgoreletsa gore bontsi jwa baikopedi ba bone thuso ka nako. Fa a bua kwa motseng waManaledi kwa a neng a rola leobo la motse oo semmuso bosheng, Rre Olopeng a rentswa go ne go na le dikgwetlho tsa madi fa badiri bao ba tsweletse ba aga leoboleo ba ne ba itoma molomo wa tlase mme ba kgona go le wetsa. Mme Khubu o supile fa thuo ya dinotshi e tlhokana le motho yo o pelotelele e bile a na le lorato mo go se a se dirang. Botswana a re e ntse e le sekgantshwane ka moitsholo jaanong o setse a tsena mo seemong sa go lejwa ka leitlho le sele ka lebaka la bogodu jo bo setseng bo tlhagelela le kwa ntle ga lone. Komiti ya ditlhabololo mo motseng wa Mmathubudukwane e kopa thotloetso mo maphateng ka go farologana le a a ikemetseng. VDC ya Mogonye e a ipelega Nako ya fa a simolola tiro ya go bopa o ne a itirela mo lwapeng se e le tsela ya go intsha bodutu mme a sa bone fa se se ka fetoga go nna kgwebo. Rra tsamaya mo motlhaleng wa bagolo, tswelela ka go nosetsa, go bopa le go nitlamisa puso ya batho ka batho. lick to see more pictures Rre Kaboeamodimo o ntshitse kakgolo eo kwa moletlong wa go rola matlo a supa a a agilweng ke ba lebentlele la Choppies ka lenaneo la ga Tautona la go agela batlhoki kwa motseng wa Rakops ka Labone. O tsweletse ka go tlhalosa gore ba ile ba kwalela moepo wa Debswana go kopa madi go aga matlwana a le lekgolo mme madi a ba neng ba abetswe ke P262 000 ka jalo ba felela ba agile a le masome a le marataro le bobedi fela. E ne e rile pele, banni ba metse eo ba supa puso ka monwana ka go nna maoto a tshupa go nyeletsa bolwetse jwa tlhako le molomo mo kgaolong ya Nhabe, selo se ba beileng kafa mosing. A re kgwetlho e nngwe ke phadisanyo ka gore bagwebi ba mofuta o ba bantsi. Metshameko e kgoreletsa botlhoka tsebe O ne a tlhalosa fa magolegwa ao e le borre ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le masome a mabedi le boraro. Mme Moses wa dingwaga tse di masome mararo, o supile fa e rile puso e tlhama mananeo a seka a ipona tsapa go inaakanya le one mme ka 2015, a fiwa dipodi di le 67 ka lenaneo la YDF. O rotloditse barui ba ba kgonneng go kwadisa meraka go thusa bangwe ka bone ka kitso gore le bone ba kgone go kwadisa meraka. Kgosi Sediegeng Kgamane o gakolotse morafe gore ba tshwanetse go dirisa methale ya temo ee tlhabolotseng ka gore go supagetse fa e ntsha maduo aa botoka mme ebile se seka ba thusa le gone gore ba rekise. Moemela Kgosi-kgolo wa bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Mokhutshwane Sekgoma, a re ke maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe go lwantsha borukutlhi. A re dikika le metshe ke dingwe tsa tse a di rekisang thata ka banni ba Mmashoro ba rata go setla mabele. Monni wa Madikwe, Rre Bigboy Chavaphi o ile a kopa puso gore e leke go rola tiro lekalana leo la koporase ya metsi, ka go lebega le palelwa kana le fekeediwa ke tiro. O ba tshephisitse gore komiti ya gagwe e tlaa feta e dira pego mme e neele ba ba maleba gore go tsewe kgato. O tlhalositse fa letsholo le, le tsile go anamela kwa metseng e mengwe ya kgaolo eno e tshwana le Gobojango kwa seemo se se ileng magoletsa teng, le gore le tlaa ema fela fa seemo se bepa. Mo kgannyeng ya phiro ya VDC, Mopalamenete Seretse o kopile maphata a a lebanyeng go tsibogela tharabololo ya kgang eo, go hema go gotlhagotlhana ga morafe le bogogi jwa motse. Mogokgo wa sekolo seo, Rre Sebilo Motlhaping, o ne a supa fa batsadi ba le maoto a tshupa e bile ba sa eme bana nokeng mo thutong ya bone. Botswana Police College e na le seabe se segolo mo go tlhabololeng matshelo a batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. A re go simolola ka 2011 o ne a dira furu ka go tlhagola tshetlho mo jarateng ya gagwe, tsa baagisanyi le mo motseng go fitlhelela mo nakong ya gompieno. Mme Mogomotsi a re molawana o o teng ke wa go simolodisa ofisi e e lebaneng le dikgang tsa barongwa ba makgotla a ditsheko go nna le sebaka se ba tshwanetseng go se nna mo ofising eseng jaaka go ntse mo nakong eno. O buile se mo potsolosong le lekalana la BOPA bosheng. E rile a akgela mongwe wa batsadi, Rre Maipelo Mpitlwe a tlhalosa fa ba lebogela go bo barutabana ba bone go le maleba go ba bitsa gore ba tle ba tshwaraganele thuto ya bana le bone go tswa kwa moding. Mothusa tona wa tsa botsogo, Dr Alfred Madigele o ne a etetse Selebi Phikwe go lekola sepatela le dikokelwana tsa toropo eo. Mme Gare a re ga a kgone go ya go itseela ditsompelo kwa nageng ka jaana go le kgakala mme a re fa puso e ka ba thusa ka go tsosolosa Shorobe Community Trust go ka nna botoka ka jaana ba ka ba thusa ka koloi go ya go bapala ditsompelo. A re e le maphata a a okametsweng ke ofisi ya ga Tautona, puso e lebile mo go bone go rekisa mananeo a yone, ka jalo a ba kopa go bereka ba le seopo sengwe go bona gore ba tsholetsa kgaolo ya Tutume le batho ba teng. Kalakamati e tlaa tlhopha mokhanselara O kopile kgosi Mere gore mo tirong e a e neelwang ya bogosi a nne boineelo a bo a nne le maitlamo ka gore morafe o tlaa bo o beile mo go ene mme go seka ga nna le tlhakatlhakano mo goora Mongala. Banni ba Mogapinyana ba boleletswe fa semorafe se ka seka sa isa motse wa bone gope mo ditlhabololong jalo ba kopiwa go nna ka kagiso le go lesa go gotlhagotlhana. Modulasetilo wa khansele o ne gape a kopa ba ofisi ya boipelego go lekola morafe kgapetsakgapetsa fa ba sena go ba abelwa dithuso tse di farologanyeng go ba fa dikgakololo le go ba tswa thuso fa ba aperwe ke dikgwetlho mo go tsamaiseng dikgwebo tseo. Banni bangwe ba ne ba ngongorega fa gantsi dithuso le ditlhabololo di diragala thata fa ditlhopho di le gaufi, e bile di dirwa thata ke phathi e busang. Mogolwane o kgothatsa banana Seo gape se tla thusa gore banni ba Metsiaela ba kgone go goroga kwa ngwageng wa 2016 ba itekanetse. Mookamela mapodise a Ramotswa, Superintendent Sarah Gabathuse, a re tiragalo e e diragatse mo motshegareng wa sethoboloko gaufi le Mogobane. A re go ne go tshwanetse go tlhophiwa lefelo le go ka se keng go gate motho kgotsa phologolo epe teng ka go ne go dumelwa fa motho kgotsa phologolo e e ka gatang fa go neng go tlhabelwa thobega teng e ka robegela gone foo. Go betla ke tiro ya diatla e e tswang bogologolo thata e ntse e dirwa. Tlhokomelang leruo-Tombale E ne ya re dinako di ntse di tsamaya, puso ya le sekaseka mme ya tsenya setlhopha se sengwe sa badirela puso ba dituelo tse di fa godingwana tsa D4 go ya tlase. O tlhalositse fa Selebi Phikwe a setse a alositse dikgwebo tsa ba-na- le bogole di le lesome le borataro. O boletse fa Matsosa-ngwao ba ithaopile go ntlafatsa matlo a setso a bojang ka go dira lekgapho ngwaga le ngwaga. Kgosi Motsamai o tsweletse ka go gakolola batsadi go itse metsamao ya bana ba bone, a re go itsewe gore fa ngwana a seo o abo a le kae. O ikuetse mo go mothusa tona gore le bone ba tsenngwe mo go gasediweng matlo le go fiwa dinnete tse di gasitsweng go lwantsha letshoroma, a tlatsa ka gore ga ba eletse go nna le dintsho tsa letshoroma mo kgaolong,BOKHUTLO O tlhalositse gore melelo mo Botswana e bakiwa ke dilo tsa tlholego jaaka tladi le batho ba ba dirang molelo ka bomo kana ka maikaelelo mme gongwe o ba tswe diatleng. Rre Tsebe o tsweletse a re, ba ne ba solofetse go rutuntsha banana ba le lekgolo mme ba kgonne go bona fela ba le masome a robabongwe le botlhano, ka go bo ba sa kgone go fitlhelela banana ba metse e e kgakala le ditlamelo. A re ba kopane e le diphuthego go simolola 2018 ka thapelo. Rre Molebatsi o ne a akgola mohumagadi wa ga Tautona Mme Neo Masisi go tsibogela dikgang tsa kgokgontsho ya bana. A re ditlhwatlhwa tsa BMC di a farologana go lebeletswe gore nama ya teng e ya go rekisiwa kae. A re ga ba eletse go bona ditanka tseo jaanong di tsalela dipeba. A re ba na ba simolola ka temo ya dikhabeche le ditamati, ba direla gautshwane le noka ya Mahalapye gore ba kgone go dirisa metsi a a neng a ela mo nokeng go nosetsa ka one. A re seo se supa tirisanyo ya lebentlele le banni ba motse ka e bile banana ka bontsi ba itshetsa ka go rekisa dijo. Badumedi ba kgothaditswe go itlhatlhobela malwetse Kgosi Sekgoma oba gakolotse gore ba nne malala a laotswe ka jaana letsema lele gaufi, are seo se tlaa ba thusa gore ba kgone go tshwara bokgola jwa pula tsa ntlha. Rre Milton o tlhalositse fa bogodu jwa diteemane bo golela pele lefatshe ka bophara, mme ebile meepo ya Debswana le yone e amiwa ke bogodu joo. E re dikgang di eme jalo,mapodisi a Tatitown a bolela fa ba tshwere mmelaelwa mo tiragalong ya polao le go kgothotsa e e diragetseng kwa Sebina Cross ka Matlhatso bosigogare. O tlhagisisitse fa mongwe le mongwe yo o batlang go bega dikgang tsa bogodu jwa diteemane a ka leletsa mogala wa mahala wa 0800 600 333 kana a begela mapodise ape fela a a gaufi mo Botswana. A re go supafala fa diphetogo tse di dirafalang mo matshelong a gompieno di gomagometsa go nyeletsa ngwao ya lefatshe leno. Rre Keinyatse o ne gape a gakolola balemi go dira ditlhopha gore ba gokelelwe metsi ka go phunyediwa didiba ka lenaneo la LIMID ka ba lela ka tlhaelo ya metsi go nosa leruo. O ne a kgothatsa balemi ba motse oo go sala ditaelo tsa ba lephata la temo thuo morago ka nako tsotlhe, ka di ka ba solegela molemo go ntsha maduo a a bonalang mo temong ya bone. O buile jaana bosheng kwa Serowe, jaaka fa komiti eo e ne e aba melora le mesangwana go thusa basetsanyana ba ba ka nnang le seemo sa go bona setswalo ba le kwa sekoleng. Ba re ba na le ditoro tse ba dumelang gore e tlaa re lengwe la malatsi botshelo jwa bone bo fetoge mme ba tshwane le bana ba malwapa a mangwe. A re banana ba tshaba go dira dikgwebo tse di pharologanyo ka jalo ba felela ba lela ba re ga go na mmaraka, tse dingwe di felele di phutlhama ba palelwa ke go di tsamaisa ka di a bo di tletsetletse. Mopalamente wa Boteti botlhaba Rre Sethomo Lelatisitswe o kopile dikomiti gammogo le bogogi jwa metse go tshwaraganela ditlhabololo tsa metse Mopalamente o buile jalo fa a buisa dikomiti tseo kwa Khwee bosheng, a supa gore nako e ke ya go sekaseka mananeo a ditlhbololo NDP11 le DDP5 go bona gore ke a fe a a kgonagetseng le gore ba ka fetola fa kae ba lebile letlhoko. Mongwe wa bakgweetsi ba ba neng ba tseneletse dithuto puisanong tseo fa a kgwa dikgaba baruthuntshi bao Rre Benjamin Madube o ne a lebogela dithuto, a tla a supa fa gantsi dikotsi dingwe di bakwa ke go tlhoka go rulagangwa le go rerisanwa sentle ga mosepele pele ga nako ke baeteledipele, a kaya fa seo gape se baya bakgweetsi mo kgatelelong ka nako e nngwe ba bo ba sa ipaakanyatsa mesepele. A re baagi ba metse ya Motlhabaneng, Mathathane le Lentswelemoriti ba rekisa ditlatlana le mebanki e ba e logang kwa mafelong a a etelwang ke bajanala jaaka Mashatu Game Reserve.Kgosi Madome o tlhalositse fa matlotlo a tlholego ga mmogo le diphologolo tsa naga di tshwanetse go sirelediwa le go somarelwa gore di seka tsa nyelela ka di godisa itsholelo ya Botswana. O tsweletse a tlhalosa ka gore gantsi o tlhatswetsa ditlhopha tsa kgwele ya dinao le morafe ka kakaretso. A re ba beile mo go beelweng monwana ke bobedi joo gore ba kgone go bona dikatso go sa nneng jalo ga ba kake ba dira sepe. Tona wa dipalamo le ditlhaeletsano, Rre Nonofo Molefhi, a re puso e dira ditlhabololo le go fa dithuso go tswa mo lenaneong la ditlhabololo nako le nako e seng ka nako ya ditlhopho di le gaufi jaaka bangwe ba akanya. A re se se supa fa mowa wa boithaopo le tirisanyo mmogo di le teng mo baaging. Rre Mabotle a re o bone mosola wa thuto ka e bile a kgona go thusa mo go ruteng ba-na-le bogole ba bangwe. A re fa khumagadi e bolailwe e fa molemi maikutlo a a monate ka jaanong seolo se tlaa bo se sa tlhole se bereka go na le fa go ka bo go dirisitswe methale e sele ya go bolaya. A re mo ngwageng wa madi wa 2017/18 ba ne ba filwe P4.6 million go thusa baikopedi ba ba eletsang go thusiwa ka lenaneo. E tla a re ngwaga o o tlang ka kgwedi ya Seetebosigo, banni ba Tshesebe ba baye semmuso Kgosi Motlotlegi Kachana mo setilong. O ne a tlhalosa gore dimpho tse ba di ntshitseng ke maiteko a go fa bana bao seriti sa lelwapa le tlhokomelo e ba e tlhokang. A re somareleng leina la Modimo re nne bafenyi ka mananeo a puso, ga bua jalo mothusa tona. Rre Motlokwa a re o itumeletse go bo puso e tsere tshwetso ya go bula madirelo a tshugo ya matlalo kwa Lobatse ka a dumela gore ba tlaa simolola go reka matlalo ka tlhwatlhwa e e botoka. Rre Molebatsi a re barui ba ne ba supile fa dikgomo dingwe go ne go bonala di ne di lwala, fa tse dingwe e ne e re di sena go buiwa, go fitlhelwe matsela le dipolaseteke mo megodung ya tsone. Rre Motingwa o ne gape a leboga lebentlele la Choppies le a reng le ne la ba tswa thuso go fitlhela la gompieno ba dira jalo ka go hira banalebogole mo lebentleleng la bone, a tlhalosa gore ba setse ba hirile ba le makgolo a mabedi, ba bangwe ba bone ba setse ba bone mafulo a matalana mme go setse ba le lekgolo le masome a mararo. A re banni ba Naledi ba sego ka madi ao a tla ditlhabololo tsa kgaolwana ya bone di setse di dirilwe ka bontsi, ka jalo go na le kgonagalo ya go re ba ka a dirisa go dira ditiro tse di ka direlang kgaolwana ya bone letseno, a tlatsa ka go re ba tshwanetse go kopana go akantshana se se ka dirwang ka madi ao. Ba gakololwa go ikamanya le thuo Mme Gabathusi a re borre bao ba tlaa lebisiwa molato wa go gobatsa e se ka fa molaong, tshenyo ya dithoto tsa puso ka ba ne ba thuba koloi ya sepodise go inaya naga. Mananeo a tshwana le la Gender Affairs le le itebagantseng le go thusa bomme go ka itshimololela dikgwebo gammogo le la SHHA go ka ikagela bonno jo bo eletsegang. Mokhanselara wa Lokgwabe, Rre Keagalemang Leshope, a re kgokgontsho ya bomme le bana ke tsuulolo le kgatako ya ditshwanelo tsa bone. Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi o roletse boo-Tawana loeto lwa ga Tautona kwa phuthegong ya kgotla e e neng a e buisa kwa kgotleng kgolo bosheng. O kopile ba ba ngongoregelang tshwetso e e tserweng ke lekgotla go isa dingongora tsa bone kwa go ba ba maleba. Bana ba ba goroga ba lapile, selo se se felelang se ama tiro ya bone ya sekole ka gore ba abo ba otsela ba sa utlwe fa go rutwa. O tlhalosa gore ba itlamile gore moso mongwe le mongwe morutabana a buisanye le baithuti ba gagwe ka dikgang tse di ba amang, se e le go leka go tlhotlhomisa modi wa botlhokatsebe jo bo diragalang. Rre Bashingi o tlhalositse fa dingwe tsa dikgaolo tse di amegileng segolobogolo e le tsa Nkoyaphiri, Goo-Selaledi, Tsolamosese Ledumadumane, Gabane magareng gatse dingwe. Mongwe wa batsena phutego, Mme Monty Moseki o kgothaditse borre go amogela phelelo ya lorato. O ne a tswelela a tlhalosa fa theko ya dinkgwana e le ntsi fela thata mo kgaolong ya Kgalagadi ka di sa nne lobaka di sa rekiwe. Mopalamente Seretse o tsweletse ka go buisa diphuthego mo kgaolong ya gagwe a lekodisa banni ba metse ka go farologana ka dikgang tse di tswang palamenteng le gone go tsaya megopolo mo go bone go ya palamenteng e e latelang. Barutabana, batsadi le bana ba sekole se sebotlana sa Kgagodi ba ne ba thulantse ditlhogo go tswa ka maano a ba ka tokafatsang maduo. Sebui sa tlotla e bile e le tona wa pele wa metsi le di-tswa mmung, gape e ne e le mopalamente wa pele wa Kweneng Bophirima, Rre Boometswe Mokgothu, o supile fa ngwao e le mokgwa o batho ba tshelang ka one. Ba Shoshong ba tsosolosa tshimo ya Eden Ntlheng e nngwe a re gonne le dikokelwana tsa nakwana kwa dipolaseng le go gopiwa ga tsela ya Moletemane go ya Tsetsebye le Majotshipa ka metlha kana morago ga kgwedi tse tharo, le go kgaratlhela gore go e tshelwe sekonotere, dilo tse a reng di tsdhwanetse go tsenngwa mo ditogamaanong tsa lefatshe ka bofefo. Mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha, Mme Ntebaleng Thapelo a re ba tsentse motse wa Makgaba mo lenaneong le le tsweletseng la Integrated Land Use Plan for Southern Sua Pan le le akaretsang metse ya Mosu, Mmatshumo, Mmea le Mokubilo le le tlaa welang ka Sedimonthole . Motshwarelela mogolwane wa mapodisi a Mahalapye, Superintendent Olefile Badisang, a re ga ba robatswe ke dikgang tsa baratani ba ba bolayang ba bangwe, mme morago le bone ba ikgapele matshelo. Pula e digile matlo kwa Mmashoro O ne a tlatsa ka gore batsaya karolo mo lenaneong le ba tlaabo ba atswiwa ka madi a a kana ka makgolo a supa a dipula mme mo go one, makgolo a mabedi a dipula ba tla bo ba a bolokelwa gore fa ba tlogela ba kgone go ithusa. O kaile fa mangwe a mabaka a a diileng e nnile go fetola babueledi ga ga Zulu yo mo dikgannyeng tse tlhataro tseo go balelwa le e e tsholotsweng, mme ka jalo a kopa lekgotla go ikgatholosa kopo ya ga Zulu ka jaana e le go iphitlha ka monwana. Nngwe ya dikgang tse di tshwentseng tona ke ya go goroga ka bonya ga dirisiswa tsa mananeo a farologanyeng a puso kwa mafelong a tshwana Medie le mororo metse eo ese sekgala sepe se se tshwenyang gotswa mo toropokgolo fa se bapisiwa le metse ya dikgaolo tsa Kgalagadi. E rile a bua mo potsolotsong ka Labotlhano, kgosi a akgolela lekgotla leo go dira ka natla e bile ba dira tiro ya bone ka dipelo tse di phuthologileng. ka mathata a metsi. Ba-tlhoka-pono ba tlhophile kwa Selebi Phikwe Batswana ba kopiwa go nna le mowa wa tlotlano Mme Tshireletso yo e bileng ele mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Botlhaba o dirile kakgolo e mo moletlong o neng o rulagantswe ke bakeresete ba kereke ya Sabata mo Mahalapye Mopitlo a le malatsi a robabobedi go abela bagodi ba kereke eo dimpho tsa diaparo go supa lorato le tloto mo go bone. O buile se fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng, a re itsholelo ya kgaolo e e ikaegile thata ka thuo ya dikgomo. Rre Leshope a re ka fa borre ba bolayang bomme ka teng, ba ba kgaola dirwe, ke bosetlhogo jo bo feteletseng. O tlhalositse fa ele maikemisetso a puso go fa Batswana botsogo jo bo tlhapileng e bile bo kgatlhisa, ke gone ka moo ba tlisang tlhokomelo e e tsepameng go babalela matshelo le botsogo ja setshaba ka metseletsele ya mananeo a botsogo le ditlamelo tse ba di neelwang mahala. Mapodise a tlhotlhomisa kgothoso le petelelo O ne gape a re dikgang tsa peo ya bogologolo, lekgotla la kabo ditsha le ise le nne teng, e ne e dirwa ke bogosi. Rre Ketlhoilwe a re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse a itshekatsheke a bo a ipotse gore a o tlaa tsweledisa kagiso e e dirilweng ke bogogi jwa lefatshe leno. Mogokgo o ne a supa fa botsadi jwa motse wa Diloro bo tshwaraganetse thuto ya bana le barutabana ka ditsela tsotlhe, a re seo ke sengwe sa tse di rotloetsang barutabana go dira tiro e ntle kwa sekoleng. O ne a tlhalosa fa a rotloetsa monana yo o ising a bone tiro go ema ka dinao a sa tlhabiwe ke ditlhong, go simolola kgwebo ka e le yone tsela ya go tswa mo lehumeng. Tona wa banana, metshameko le ngwao Rre Thapelo Olopeng o akgoletse badiri balephata la gagwe go bo ba ne ba nna pelo telele mo go diragatseng maikaelelo abone a go aga leobo la kgotla kwa motseng wa Manaledi mo kgaolong ya Tswapongbokone. Mothusa moeteledipele wa komiti e e okametseng dikomiti tsa batsadi le barutabana (PTA), tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba, Rre Comfort Marcelino a re go tlhoka go tlhokomela bana go ka kgoreletsa le go digela maduo a bana kwa tlase. Jansen o itshetsa ka ditlhare le mebutla Ba supile fa gape go na le batho ba ba senang ditsha mme ba nna kwa masimong, ba supa gore fa e le gore go tlaa dirisiwa nomore ya setsha go ikwadisetsa ditlhopho go raya gore bone ga ba na go nna le sebaka sa go ikwadisetsa ditlhopho. Rre Sebaga Monyena, yo e leng moitseanape wa didirisiwa tsa temo mme a direla kwa Serowe, o ne a supa fa matshwenyego a kgaolo ya bone ka kakaretso e le tiriso ya dipolantere, dinako tsa go jala, kgang ya go itepetepanya le tsa tepo-loapi, go somarela bokgola le didirisiwa tse di somarelang bokgola. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Moruti Boemo a tlhalosa fa tlhakanelo dikobo e sa tshwanela go nna sengwe se batho ba tshamekelang mo go sone kgotsa e le nngwe tsela ya go itlosa bodutu jaaka bangwe ba dira. O file sekai ka metshine ya di ATM tsa dibanka gore di ne tsa seka tsa amogelwa kwa tshimologong, mme e ne ya re mo tsamaong ya nako, batho ba lemoga fa e tokafaditse tsamaiso. Fa a amogela baeng, kgosi wa Malolwane, Rre Esron Bogatsu o ne a leboga Kgosi Sekai go bo a ne a seka a ipona tsapa go nna mongwe wa basupi mo go tlhongweng ga ga Kgosana Ramatlhakwana. A re o simolotse tiro e a sa le mmotlana. Kgosi Maforaga a re Palapye e kile ya bo e le meraka, go tletse diphala tse leina la motse wa Phalapye o tswang mo go lone.Phala-pye o raya g diphala tse di dintsi Ka nako eo, meraka e e ne ya fetoga go nna motse ka diterena di ne di nosiwa mo seteichaneng sa Palapye pele di fetela kwa borwa kana bokone. Fa a bua kwa phuthegong ya komiti ya batsadi le barutabana kwa Matshekge bosheng, Mogokgo James Butale o tlhalositse fa sekole seo se dirile bontle kwa dikgaisanong tsa BISA. A re bangwe ba banana ba simolola boitshwaro jo bo makgasa fa pele ga batsadi ba bone kwa malwapeng ka kapari, go loga meriri le go rwala manyena mo go dirwang ke banana ba basimane le go ipitsa maina a a sa tlwaelesegang, a supa gore fa ba setse ba tswetse kwa ntle gone ba dira go tlala ka diatla. O rotloeditse maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse go nna ba begela setshaba ka fa ba dirang ditiro tsa motse ka teng ngwaga le ngwaga. Mme Matenge a re mokgatlho wa bone o lemogile fa seriti sa motho se sa tshwanela go dibelwa fela fa a sale mo botshelong, mme go le botlhokwa gore le motlhang a tlhokafetseng go supagale fa e ne e le motho yo o ikgaratlhelang mo botshelong. Kgosi Itumeleng o buile jalo bosheng fa kereke ya Independent Assemblies of God e ne e tshwere tirelo ya go fitlhelela setshaba. RreMaphephu a re ba bongaka ba santse ba tlhatlhoba mmele wa moswi go rurifatsa sese ka tswang se bakile leso leo. Are dikai tsa kgokgontsho e ke go tshosetsa yo mongwe, go gataka yo mongwe ka dinao, go boulela, go sotla yo mongwe o mmitsa maina a a sa itsagaleng le tse dingwe. O ne a lebogela botsipa jo ba bo neetsweng ke Rre Nkgowe mme a solofetsa fa ba tlaa tswelela ba dirisa botsipa jo a ba bo neetseng go itshetsa. O supile fa a tsere kgato ka go rerisanya le Kgosikgolo Kgafela gammogo le puso ka dikgang tsa go tlhophiwa ga dikgosi, mme botlhe ba dumalane fa go se kake ga tlhophiwa kgosi mo Kgatleng ka e se ngwao. Modulasetilo wa Bathoen II Dam Nature Sanctuary Management Trust, Rre Lesedi Moahi a re komiti ya bone e tlhaela ka maloko a le mararo, ba a reng ba ithotse marapo ka mabaka a a farologanyeng. Banni ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lephata la kabo ditsha mabapi le dipolase tse di segilweng tsa kgwebo ya temo ya dijo gaufi le motse wa Kweneng. O ne a kopa gape gore ele ba dimausu ba fiwe tshono ya go phakisa batlhoki le masiela ka dimausu tsa bone dina le dithoto tse di ka phakisiwang. A re mogwebi yoo o ne a solofetsa fa a tlaa kopela Kanye ditanka tsa metsi mo Choppies ka jaana a dirisanya le bone mo go tsa kgwebo, mme a mo lebogela gore ka boamaaruri o diragaditse tsholofetso ya gagwe. A re go dira jalo ke gorekisa lefatshe, ntswa e le bone Batswana ba lelang ka gore batswakwa ba bantsimo lefatsheng e bo e nna bone gape ba ba abelang mananeo. O boleletse badiri ba matlhabelo gore bolwetse ga bona kalafi, mme balwetse ba thusiwa ka kalafi ya dikai tse ba di supang. E rile a ba lekodisa ka melao e e fetileng kwa Palamenteng, Rre Molefhi o ne a supa fa ba tshwanetse go e tsaya ka tlhoafalo ka e ama mongwe le mongwe bogolo jang wa tiriso ya maranyane le ya tiriso ya diritibatsi. A re dikomiti tseo di kopana kgwedi le kgwedi. A re ntswa matlwana a bone a tshwanetse go amogela bana ba le masome mabedi le botlhano, ba kgona go tsaya bana ba le masome mararo, selo se a tlhalositseng fa se sa siamela botsogo jwa bana le fa e le ene morutabana ka go a bo go le mosuke. O ne a tlatsa ka gore molelo oo ke sekao sa popagano le kagiso e Batswana ba tshelelang mo go yone. Botswana Savings Bank (BSB) e itseetse sekole se sebotlana sa Nyamambisi kwa Marobela ba le mo moonong wa lephata la thuto le tlhabololo dikitso go tsaya dikole go di tlhokomela. O tlhalosa fa rragwe le ene a ne a lemoga maikaelelo le lenyora la ngwana wa gagwe go dira temo ya merogo e le seikokotlelo sa gagwe sa botshelo. E re le fa go ntse jalo go santse go le gontsi mo Batswana segolo thata banana ba sa go tlhaloganyeng ka bogadi, mosola wa jone le boleng jwa jone mo matshelong a batho. Mme Ramsden o rotloeditse bana go fetola ka fa ba akanyang ka teng, a re ba tshwanetse go nna le keletso le lenyora la go itse gore ga go na se se thata fela fa motho a na le lorato lwa go dira sengwe mo botshelong. A re ka 2009, kgaolo eo e ne e le nngwe ya tse di neng di di goga kwa pele ka dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba ikwadisitseng, a kaya fa ba ne ba le mo maemong a boraro lefatshe ka bophara. A re mo ditsamaisong tsa batsalwapele go ne go tshwanela e bile go se thona gore batho ba tsee tsela e e tsamaiwang ke ba bangwe, e bile kgosi e ne e le molaodi le mokaedi wa morafe wa gagwe. Baithuti ba sekole se segolwane sa Tsabong ba gakolotswe go ela tlhoko le go itsese ba ba lebaneng ka matlapa a ba ka a fitlhelang mo makhubung le dipane tse di mo kgaolong ya Kgalagadi di le mosola thata mo ditsong ga mmogo le mo go tokafatseng dithuto tsa bone tsa ditso le maranyane. Ka jalo o ne a kopa puso, maphata a botsogo, dikereke makalana aa ikemetseng, a sepolotiki, bogosi le setshaba ka kakaretso go tiisa go lwela botsogo le ditshwanelo go fenya ntwa e. Rre Markus o bile a tlhalosetsa morafe ka madi a a ntshitsweng ke puso go lwantsha kgofa e thamaga e e apesitseng barui ba Okavango kobo ka letshoba. Rre Leshope a re go tlhoka go sireletsega ke kgwetlho e tona e e phirimisang keletso ya tekatekano ya bong, ka gape go kganela bomme go nna ba phuthulogile le gone go tsaya karolo mo ditlhabololong tsa lefatshe. Mme Samakha a re nkgo e tswa goo lowe e le selwana se se jelang mme mo bogompieno e dirisetswa go kgabisa mo meketeng jaaka mo manyalong. O tlhalositse gape gore sekole se tshwanetse go nna le seabe mo go thuseng batsadi go rarabolola mathata a tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi. Nna ke itse gore gone go supiwa kgosi fa mongwe yo o ntseng e le kgosi a tlhaetse ka bogodi, bolwetse kgotsa a tlhokafetse, ditlhopho ke itse e le tsa mapolotiki e seng tsa bogosi, ga gatelela kgosi. A re mafatshe a a tshabelelwang ke dibetso tsa tlholego a ka tswa a le kgakala le rona, mme fa dipaka di ntse di fetoga jaana, le rona seemo seo se ka re ama. E rile a lekodisa mopalamente ka ditlhabololo tsa kgaolo ya Botshabelo leloko la komiti ya ditlhabololo, Rre Ernest Venga a re ditlhabololo tse di dirwang ka madi a ditlhabololo tsa dikgaolo di setse di wetse jaaka ditsela le makgabaganyo a sekole se segolwane sa Mojamorago. Ka jalo Rre Autlwetse, o ne a tlhalosa fa ba dumelane go tla go tsaya megopolo mo setshabeng gore jaanong kereke e seka ya tlhola e bopiwa kgotsa e kwadisiwa ka batho batho bale masome a mabedi bogolo e nne makgolo a mabedi le masome a amatlhano. O boletse fa a leboga puso gobo e dirile melao e e laolang thekiso ya bojalwa, bogolo jang jwa Setswana, ka a re ba ne ba tsenyega dingalo ka go tlhoka go obamela dinako tsa thekiso ga batho ba ba rekisetsang mo malwapeng. Lekoko le sekaseka bomaipaafela Go tlhalosiwa fa seemo sa nako eno sa diphetogo tsa loapi se tla ka malwetse a a amang dijwalo segolo bogolo. Serowe o ipelela thobo Rre Tumaeletse o ne a phophotha legetla mongwe wa maloko mo kerekeng eo yo o neng a ithaopa go ntsha mpho ya sehikantswe sa ga Mme Marea Mma Jesu se e leng sone se tlotlomatsang le go kgatlhisa mo kagong ya Grotto se a tlhalositseng fa a se rekile kwa India. O supile fa bone e le khansele ba bofeletswe matsogo ka fa morago ka jaana go na le ofisi e e maleba ya tsa pereko e e itebagantseng le gone go tseela dikompone dingwe dikgato fa go na le dilo dingwe tse ba sa di obameleng. O tlhalositse gore ba tshwanetse go rutuntshiwa go na le nako gore ba tle ba kgone go thusa fa go na le seemo. O rotloeditse komiti gore e berekisane le ene go fetisetsa dikopo tsa bone kwa maphateng a ba sa kgoneng go ya kwa go one. A re motsadi mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le maikaelelo ka thuto ya ngwana wa gagwe, a tlatsa ka gore seo se ka thusa baithuti go fitlhelela ditoro tsa bone. Kgosi Oleo Ledimo o ne a re sebe sa phiri ke gore jaanong le yone ofisi ya ga molaodi ga e na kemedi mo phuthegong eo mme a re go lebega go na le dilo dingwe tse dintsi tse di sa tsamayang sentle. A re mo bosigong ja tetelo gone ga nna o kare go tla tsoga lesukasuka mme a tswelela ka gore le fa go ntsejalo ba sepodise ba ne ba kgona go busetsa seemo mo taolong. A re e le maloko a komiti eo ba setse ba kolekile madi a dimpho tsa rafole e ba tlaa e dirang mo bogautshwaneng. Rre Nsala o supile fa katlego ya bone mo kgwebong e le go tsenelela dikgaisanyo tsa bodiragatsi tsa ga Tautona ngwaga le ngwaga. Mo potsolotsong le Mathata a tsela e ke gore ga e a bulega, mme e bile e tlhoka dipone di le dintsinyana mo go yone ka gore e sekgwa thata, e bile diphologolo di kgabaganya teng. Rre Kgonkane o buile se mo potsolotsong bosheng, a supa fa puso e dule ka mananeo a le mmalwa ka maikaelelo a go leka go inola Batswana mo lehumeng mme fela go supagala fa tema e dule kwa Khekhenye. A re bana bao, ba ne ba dira ditiro tse di bosisi mo baneng ba bangwe e bile ba ipitsa balatedi ba ga saatane. A re go botlhokwa gore banni ba motse oo ba itshekatsheke go bona kwa ba tswang teng le gore ba diretse lefatshe leno eng jalo go tlhokana le gore ba nne mmogo mo letsatsing leo go tsaya molaetsa le go gakololana gore ba ka tswelela pele jang go direla lefatshe leno. Rre Maele yo a neng a patilwe ke mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso Rre Dikgang Makgalemele le mothusa tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae Mme Botlogile Tshireletso, a re ere ka Batswana ba sa kgathegele temo-thuo ke sone se letseno la thobo mo dingwageng tsa gompieno le bonang 4 per cent gona le 40 per cent yo a neng a bonwa mo dingwageng tsa bogologolo. A re maitlamo a khansele-potlana ke go tshwara letsatsi leo mo sephatlong sa ngwaga le ngwaga e le tsela ya go tokafatsa ka fa setshaba se thusiwang ka teng. A re kwa Palapye ditlhopha tsa mmino wa Setswana di oketse banana kwa go tsone ka dipalopalo, a tlatsa ka gore dipina tsa Setswana di na le molaetsa o o ka fetolang maitsholo. Mme Nthabi o boletse fa kgokgontsho ya bong e nale ditlamorago tse di ngomolang pelo jaaka dikgobalo tse di akaretsang go robega,dintho le bogole, loso, go ima e se ka maikaelelo go dirwa ke go patelediwa tlhakanelo dikobo kana go idiwa go tsaya tsa thibelo pelegi,go thubega ga malwapa le gone gore bana ba ba goletseng mo malwapeng a a nang le kgokgontsho kana ba kile ba kgokgontshiwa gantsi ba ka iphitlhela le bone jaanong ba kgokgontsha ba bangwe. Mekgwatlha e oka dirukutlhi Fa a tlhalosa ka mananeo a a leng teng kwa CEDA, mogolwane wa lekalana leo, Rre Thabo Thamane, o tlhalositse fa CEDA e dirilwe morago ga puso e sena go lemoga fa Batswana e ne e le babogedi mo mererong ya tsa kgwebo, mo lefatsheng la bone, ka jalo puso ya tsaya tshwetso ya gore ba ntshe lenaneo le e leng gore le tlaa thusa Batswana ba e leng gore ba kokonelwa ke merokotso le dielo tse di batliwang ke dibanka. Lenaneo la See and Treat ga le emisetse le le ntseng le le teng la Pap Smear, ka jalo le ntse le tsweletse kwa dipateleng. Ditshupo tseo di ne tsa fetola botshelo jwa gagwe fela thata ka gore batho ka bontsi ba ne ba supa kgatlhego e kgolo thata mo tirong ya gagwe. A re dingwe tsa dikgwetlho ke letlhoko la metsi le lefelo le le phuthulogileng le a ka kgonang go ruela mo go lone mebutla le go lema merogo le ditlhare. Segokgo o supille gore setlhopha sa Botsogo Pele, se se bopilweng ka bagolo ba dingwaga tse di masome marataro go ya kwa godimo go tswa DML Wellness Centre le bone ba tlaa bo ba le teng go tla go supa ka tsa itshidilo mmele. Ka jalo o rotloeditse gore beng gae le bone ba tsene mo kgwebong e ka nama ya tonki le mashi a teng go bolelwa di dira dijo ka mefutafuta. Go ya ka Detective Assistant Superintendent Bigboy Nkhwanana, ba ne ba begelwa tiragalo eo ke bangwe ba ba neng ba ile go epa mantswe a konkoreite fa lefelong leo mo maphakeleng a Mosupologo. Mme Jimmy o tlhalositse fa motlhwa o kgona go tsamaya sekgele se se leele ka fa tlase ga mmu. Balemi ba Shakwe ba ba phakileng dipeo tsa mabele a nomoro ya 1008 ba kopilwe go di busa ka thobo ya tsone e sa siamela go jewa. Pego e e tswang kwa lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae e bolela fa tona Siele a tlaa kopanela phuthego le makgamu a a amegang kgwedi eno e le masome a mabedi le boraro mo Mahalapye mabapi le ngongorego ya bogosi. Botswana o gatela pele mo go lwantsheng HIV\AIDS O akgotse bana ba ba amogetseng dimpho mo dithutong ka go farologana, mme a kopa ba ba sa tsayang sepe gore ba seka ba itlhoboga mme ba itshwarelele thata mo dithutong tse ba di kgonang gore ba gatele pele mme ba tsoge ba itshetsa ka se ba se kgonneng. O ne a supa fa banana ba na le kgatlhego e ntsi ya go dira ditiro tse di rotloetsang ngwao mme nako e ntsi ba itsapisiwa ke bogogi bo ba kopang diteseletso kwa go jone ka ba ba direla tiro bokete. Batswana ba kgothaditswe go ithekela dikoloi ka sebele go na le go neeletsa batho ba bangwe. O tlogela mohumagadi wa gagwe le bana ba le bane bomme ba le ba bedi le borre ba ba bedi. Ba re, badirela-puso ga ba ke ba ba etela go ba tlhalosetsa ka mananeo a puso le go tla go tsaya dingongora tse ba kopanang le tsone mo Ipelegeng le baithaopi ba sepodise. Mogolwane wa khamphani ya Stanlib Investment, Rre Moarabi Mariri o ne a gatelela botlhokwa jwa barutabana ba dikole tse dipotlana a re ke bone batho ba ba botlhokwa thata mo go ageng bana go tswa kwa moding. Motlhatlhobi wa dikago go tswa kwa BHC, Rre Kgoberego Nthusang o ne a iteela kobo moroko mafoko a ga modulasetilo, a tlhalosa fa a solofela go fitlhela setsha go sa agiwa sepe mo go sone, fa ese terata le metsi, mabeelo a dithoto tsa kago le gore se bo se epilwe ditlhare fela. A re, batsadi ga batle diphuthegong tsa sekole ka dipalo tse di kgotsofatsang, a tlhalosa fa ba iponatsa fela fa ba tsile go ngongorega fa ele gore ngwana wa bone o ka tswa a ne a otlhaetswe molato mo sekoleng. A re ba na le botlhoki jo botona jwa motshelakgabo go tswa kwa Ramokobetwane go ya kwa masimo a Nkudilla. Kgosi Telekelo a re Kgosi Malope o ba bontshitse gore kgosi o tshwanetse go kopana le batho ba gagwe ba ba farologanyeng a tsaya dikgang le bone tse e a reng morago di ntshe maduo. Molebatsi o rotloetsa tlhokomelo ya noka Modulasetilo wa lekalana la ba-na-le bogole mo Shoshong, Mme Oakantse Kanokang o supile fa ba faraferwe ke dikgwetlho. A re lenaneo la bomme la bong le ne la emisiwa ka go ne go lemogilwe fa bangwe ba ne ba sa dirise madi sentle le lephata le ne le sa dire go lekane. E re ka Motswana a rile e a re go tlogelwa tsatsing se ikise meriting, Mme Kelapile Jansen yo o itshetsang ka ditlhare le mebutla o dirile fela jalo. A re gone fa seemong se tla go nna jalo, ba koporase ya metsi gantsi ba ba tsisetsa metsi ka ditanka. Kgosi Sekgoma o gakolotse badiragatsi bao ba molao gore ba tshwanetse go itse gore ba bereka ka nako tsotlhe le fa ba sa apara paka ya tiro tota, mme a re go mo maruding a bone gore ba netefatse gore Serowe o nna phepha e bile go nna le kagiso. O supile fa mo ngwageng o o tlang ba tla katisetsa lephata la botsogo banana ba le 1 500 mo lenaneong la Boot Camp gammogo le ba sepodisi. Mokhanselara Rre Ngatumbwe Kanzombungo wa kgaolwana ya Nokaneng/Habu le ene o ne a supa fa se lekgotla le se dirileng se ngomola pelo a tlatsa ka gore e re le ntswa tebelopele ya setshaba e rotloetsa mowa wa bopelotlhomogi le go kgathala ka ba bangwe ba kabo ditsha ba paletswe ke go diragatsa seo. Tona wa lephata la dikago le tlhabololo matlo, Rre Mmusi Kgafela, o gwetlhile setshaba go nna matlho a puso go tlhomamisa gore boradikonteraka ga ba dirise didirisiwa tsa kago tsa boleng jo bo kwa tlase ka go dira jalo ke go ja puso ntsoma. Sebui sa tlotla sa letsatsi leo mopalamente wa kgalagdi borwa Rre Jonh Toto o ne a kaya fa mmino wa polka o tlotlilwe thata ke letso la sekhalate bogolo jang kwa mafelong a tshwang le Bokspits,Struizendam , Khawa le a mangwe. O tsweletse a re madi a bond e ntse ele P20 000 mme ba batla a okediwa go nna P100 000 kana ka fa ba tla a dumelanang ka teng. A re jaanong ba ya go nna dingwaga tse tharo mo ofising motho a bo a ka thapiwa gape ka go ikopela tiro. Ka jalo a re peo e e tlaa tswang mo pelong e tlaa tlhoga masego, kutlwelobotlhoko, bolemo le tsotlhe tse batho ba ka di eletsang. O boletse fa banana ba sa tsee temo-thuo ka tlhoafalo mme e le yone e ka ba hirang le go ntsha dijo. Mokwaledi wa lekgotlana la Kabo Ditsha la Mogoditshane Rre Anthony Bashingi a re maiteko a go fefosa kabo ya ditsha kwa kgaolong ya Mogodisthane, a kgorelediwa ke seemo sa kgolo yabo maipaafela mo go tsweletseng ka go gola kwa kgaolong eo. A re ba dirisitse didikadike di le masome a mararo le bobedi mo dithusong tse di farologanyeng tse di lebaganeng le ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng lefatshe ka bophara A re fa temo e ka tshwaraganelwa ke botlhe mo lefatsheng leno go akarediwa banana le bagodi, lefatshe leno le ka ntsha dijo tse di lekaneng mme la emisa go ikaega ka dijo tse di tswang kwa mafatsheng a sele. Ka jalo, o ne a kopa banana go ikemela ka dinao go supa fa ba kgathala ka tse di ba amang. Banni ba Tewane ba dumelane go tshwara phuthego ya kgotla kgwedi ya Phatwe e le lesome le botlhano go leka go rarabolola kgotlhang fa gare ga boeteledipele jwa motse wa bone. Kgosi Segotsi o tlhalositse fa ele keletso ya mmuso go bona Batswana ba tsenya lotsogo mo ditirong tsa bopelotlhomogi ka go thusa bao b aba tlhokileng lesego mo botshelong. O supile fa dikgang tse di tshwanang le tse di baya bana ka fa mosing bogolo jang fa go tsena mo go tsa thuto le botsogo. Mme Samakha a re o ithutetse tlhokomelo ya dibuka tsa madi, go bopa le go kwala sese dirilweng tsatsi le letsatsi ka thotloetso ya ga e golelwe. Kaodimba o ne a belaetsa - mosupi A re ba ba thusitsweng ba ne ba kopiwa go epa mahuti fa moagi a ne a duelwa. Tlotlang pina ya setshaba E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Mogonono ka Laboraro, a kopa batsadi go leka ka natla go fetola seo ka go tsaya boikarabelo mo thutong ya bana le go ba tshwaraganela le barutabana. Tshesebe o ipaakanyetsa go baya kgosi O ne a tlatsa ka go re o kopile gape gore ba mo thuse ka teseletso ya go gweba ka matlalo a diphologolo, ntswa go tsaya lebaka gore ba mo fe phetolo. Mme Kesianye a re ba tshela ka go kopa go dira meriti le go gatisa mo dikoleng di tshwana sekole se se golwane sa Mmadinare. A re balemi ba, ba kwa ga mothakga ka jaanong ba sa tlhole ba tshwenngwa ke motlhwa mo masimong a bone. O supile fa a le mongwe mo go bone a ne a fitisetswa kwa sepateleng sa Marina, mme ba bangwe ba ne ba alafelwa dikgobalo tse di potlana mme ba ntshiwa lone letsatsi leo. Kotsi e e diragetse bosigojwa Labotlhano (Phatwe 14) mo kgotleng ya Mokgobelele morago ga gore koloi e latele bana faba neng ba tshamekela teng mme ya ba thula, go ya ka dipego tsa ba bona tiragalo eo. Rre Makwaeba o rile lefa tsela ya A1 e ageletswe e bile ba sepodise sa pharakano batsamaya le tsela eo kgapetsakgapetsa go ela tlhoko bakgweetsi ba ba sa obameleng matshwao a tsela, o tshwenngwa ke dikgomo le ditonki tse di hulang mo tseleng eo ka ele tsone tse gantsi di bakang dikotsi masigo le batho ba ba kgweetsang ba iphitisitse dino. Ka jalo kgosi a tlatsa ka go tlhalosa fa mo nakong ya gompioeno go sa tlhole go lemelwa go jela mo ganong, mme go lemelwa kgwebo. A re dipatlisiso di supile fa go le thata gore batho ba emise kgokgontsho fa ba sa bone bogakolodi jo bo rileng kgotsa tshidilo maikutlo. Ipabalelo tseleng ke ya batho botlhe Ba kopile gore mo sebakeng go santse go sekasekwa ditharabololo, barutabana ba letlelelwe go isa baithuti ba matswatseleng kwa dikgotleng go kgwathisiwa, ka ele tsone di filweng tetla ya go kgwathisa, mme seo se dirwa go setswe morago tsamaiso. E rile a tsibogela matshwenyego a, mogolwane wa lephata la diphologolo le makgabisa naga kwa Masunga, Rre Malatsi Mamane a rotloetsa banni go lwantsha ditholo ka e se diphologolo tse di borai. Mme Nkgokolo Kesweditse o ne a kopa puso go bona gore e gagamaletsa bana molao ka ba dule mo taolong. A re puso e ikaelela go isa ditlamelo gautshwane le batho, ke sone se dikokelo di le 543 mo go tse 700 mo lefatsheng leno di fa batho dithuso tsa di ARV. A re fa go nna jalo, bareki ba felela ba reka dilwana tse di tswang kwa mafatsheng a a mabapi ka barekisi ba mafatshe ao ba reka letlalo ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase mme se se dire gore ba rekise dilwana ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. Fa a akgela, mothusa kgosi kgolo ya Bakwena, Rre Norman Garebakwena, o akgoletse Kgosi Kgari go tsibogela seemo se, a re o lebogela gore madi a borutabana a santse a le mo ditshikeng tsa gagwe jaaka a lemogile botlhokwa jwa thuto mo baneng gonne ke bokamoso jwa lefatshe la Botswana. Dinotshe di bogadi bo gaufi Fa a itebaganya le balemi, o ne a ba rotloetsa go tlhokomela masimo a bone go tloga ka nako ya temo go fitlha ka nako ya thobo, a re ba tshwanetse go lemoga fa puso e dirisisa madi go ba tlamela ka tsotlhe tse di tlhokegang mo temong di akaretsa menontshane, dipeo le gone go ba duelela ditema. Ba madi le bone ba ne batlhalosa ka fa dituelo di solofetsweng ka teng gore ba buse madi ao ka ke one a thusang bao ba ba letletseng go thusiwe kafa tlasa ga lenaneo leo, mme fa motho a tudisa golefisiwa lesome mo lekgolong la madi a a duelang ka kgwedi. Rre Mbise o ne a lela gape ka gore kgwebo ya gagwe ga e kgone go tshegetsa badiri nako e telele ka go bo e sa kgone go ba duela dituelo tse ba di eletsang; lebaka e le lone la dipoelo tse di kwa tlase. Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri bosheng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Kumakwane Rre Moreri Phia a re o itumelela maiteko a a dirwang ke puso go namola Batswana mo lehumeng. Rre Thiite a re diphetogo tse di tlaa thusa Batswana go ka dirisa ditsha tsa bone go adima madi mo makalaneng a a farologaneng a puso, a a ikemetseng le go dirisa mananeo a tshwana le la SHHA go tlhabolola ditsha tsa bone. Molaodi o ne a gatelela ka gore ka nako eo go ne ga felelediwa mananeo a a neng a le teng mme ga seegelwa fa thoko a a neng a ise a simololwe. E rile fa a lekodisa sebui sa tlotla modulasetiolo wa komitiya balemi Rre Boitumelo Tsebekgale a supa fa ba nnile le mathata fa go tsenngwaterata ya go kgaoganya mafudiso ka se se ba tsere lebaka mme le jaana ba ise bafetse. O sedimoseditse batsena bokopano joo ka mosola wa go nna le thulaganyo ya tse di ka buiwang mo bokopanong, a re moono ke go tla ka matshwenyego a ba kopanang le one le ditharabololo. Mo go tse dingwe, kgosi o boletse gore ngwana ke ngwana o ithuta tse di molemo le dilo tse dintsi mo lwapeng. O tlhalositse fa go sena ka fa go ka tsenngwang dipone tsa mekgwatha mo ditseleng tsa kgotla ya gagwe ditsela di ise di tshelwe sekontere. A re ka e bile theko ya dikgomo e setse e tsile mo kgaolong ya bone, barui ba tshwanetse ba tshwaya dikgomo tsa bone mme e bile ba seka ba nna lebaka ba sa ye go tlhola dinamane tsa bone kwa merakeng. Borre ba kereke ya United Congregational Church in Southern Africa (UCCSA) ba ne ba kokoane kwa Jwaneng ka mafelo a beke mo bokopanong jwa go seka-seka seabe sa bone ele borre. Banni ba rotloediwa go itlhatlhoba Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa go na le bomme ba ba kgokgontshang borre mme boammaaruri ke gore bokete jwa kgokgontsho bo le mo go bomme. A re e ne ya re a santse a tshwere ka thata a dirisa didirisiwa tsa ga rraagwe, ofisi ya boipelego ya mothusa ka thulaganyo ya nyeletso lehuma ka go mo rekela dishaga le di dirisiwa tse dingwe tse di botoka mo go tse a neng a di dirisa pele. A re gape se se tshwenyang thata ke gore dikgaolo tseo fa di tlhongwa di ngatha didirisiwa le babereki mo kgaolong eo mme e sale e le letlotla. Ka jalo a re borukutlhi bo gola thata mo metseng e tshwana le oo ka o le mogolo. Fa a ama tsa botlhoka tsebe o ne a kaya fa bana bangwe ba senya dikago tsa puso mme seo e le poelo morago go di baakanya ka go na le ditlhabololo tse dingwe tse khansele e itebagansteng le tsone, mme a kopa batsadi go kgalemela bana ba bone. O tswelela a re ,ke tsholofelo ya bone gore tsamaiso e ntsha e tla dira gore dikoloi di baakangwe ka bonako mme se se tokafatse go isetsa batho ditlamelo. Dr Setlalekgosi a re, la bofelo fa a tlhola ba CTO go ne go nale di dikoloi di le 443 tsa lephata la gagwe kwa teng , 188 ele di amulense, seemo se a reng se gomagometsa go phutlhamisa ditlamelo tsa botsogo tsa setshaba. Paka ke ya bobedi dikoloi di leba kwa Letsholathebe, dikhilomithara di le boferabobedi go tswa Masunga kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, go ya go bapala phane. A re se mokgatlho o se dirileng ka go abela bana ba ba tshelang ka bogole dikolotsana se tsamaelana thata le se Morena Jesu a neng a tshela a se dira fa a bona batho ba raletse diemo tse di thata. A re ba dirile thumalano le ba kabo ya lefatshe go abela bakopi lefatshe. Ba boletse mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke Kgosi Obusitse Medupe wa Sepalamoriri kgwedi eno e le lesome gore fa e sale ngwaga ono o simologa, ke bana ba roba bongwe ba ba neng ba latlhelwa mo matlwaneng a boitiketso, fa ba bangwe ba phuagantswe mo ditseleng morago ga go tsholwa. A re kago ya kereke eo kwa Mabutsane e simologile ka ngwaga wa 1994 e simololwa ke lekgotla la banana ba epa mosele selo se a se lebogetseng fela thata, a re e rile morago ga tiro eo ba sekete (branch) ya Mabutsane ba tsweledisa tiro ya kago, e a boletseng fa e tsere lobaka lo lo leele mme kwa bofelong ya wela, ya nna mo seemong sa go ka bulwa semmuso jaaka go diragetse. O tsweletse ka go supa fa ditlhwatlhwa tsa go golola leruo di ise di fetoge, mme kgomo e le nngwe e gololwa ka P2.50 fa dihutshane,dipitse gammogo le dikolobe di gololwa ka P1.50 go ya ka temana ya bosupa ya molao wa matimela. Mme Ranthoakgale o ne a kopa bakgweetsi gape go fokotsa mesepele ya bosigo ka go bereka nako ee feteletseng ba gabile madi, A kaya fa seo e le sone se gantsi se bakang dikotsi mo dikoloing tsa puso. A re dingwe tsa tsone di tsenela kwa dikgotlaneng fa tse dingwe di tsena ka matlhatso; mme seemo sa go nna teng ga banana ga se fetoge. A re se se ngomola pelo ka jaana ba na le kitso e e tletseng ya thibelo ya malwetse a tlhakanelo dikobo, mme go lebega ba sa batle go fetola boitshwaro jwa bone, fa ba bangwe ba tlhalosa fa ba tlhabiwa ke ditlhong go tsamaya le bakapelo kwa bookelong. Baeteledipele ba a kgalema Kgosikgolo o ne a akgolela Kgosi Ponatshego go etelela morafe ka botswerere mme a ithotse marapo go sena manganga. Sengwe se se supang fa ele ruri tsela e budule ke go bona batho ka bongwe ka bongwe, makgotla a ikemetseng ka nosi le dikompone ba eme ka dinao go thusa puso go namola Batswana mo lehumeng le go dira tsotlhe go tlhabolola matshelo a batho. Tsayang thuto ya bana tsia E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kgolo kwa Maun bosheng, Kgosi Kealetile a tlhalosa fa a amogela Rre Dithapo ka tsoo pedi mo boemong jwa kgosi kgolo le morafe. Ka bokhutshwane, sengwe le sengwe se se ka rontshang motho nonofo le taolo e a nang nayo se supa kgokgontsho le kgatelelo, a tlhalosa. A re lenaneo le, le namotse batho ba le bantsi mo lehumeng la nta e tshetlha mme e bile maduo a lone a a bonala. Khansele potlana ya Bobirwa e ntsha pego Mme Gabotlhakanelwe o ne a supa fa tirisanyo ya batho ba Moshaweng e le ya maemo a ntlha ka ba ne ba nna dipelo ditelele ka dinako tse di thata fa ba fudusediwa kwa lekgotleng la kabo ditsha la Thamaga. Rre Nkaigwa o tlhalositse fa go utlwisa botlhoko gore Batswana ba bo ba santse ba le maoto a tshupa gore ba dirise mananeo, mme seemo sa botshelo se supa fa go santse go supagala gore ba kabo ba tshela jaaka ba tshela. Mokhanselara Lesole o kgala go ikgagapelela DailyNews Mme Gaamangwe a re ntlwana e, e tlaa ba thusa go alosa bana ba ba kgonang go gaisana le ba bangwe lefatshe ka bophara le go ntsha maduo a tlhwatlhwa, a supa gore ngwaga o o tlang ba tlaa simolodisa mophato wa bananyana mo sekoleng seo. Baithuti ba sekolo se sebotlana sa Monwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba re ga ba itumelele seabe sa batsadi mo go rotloetseng thuto ya bone. Erile mookamedi wa kereke eo mo kgaolong ya Ghanzi, moruti Goemeone Mothibi a ntsha lefoko la kgothatso, a kopa maloko a kereke eo go nna batho ba ba itshepileng gore mowa wa lorato o bonale mo go bone, a gatelela ka gore kereke ke lefelo le le boitshepo, mme botlhe ba ba tlang teng ba tlaa segofala fa ba rapela ka tlhwaafalo. Mme Mpetsane a re ditante di le 14 di setse di abetswe batho go thusa ba ba amilweng ke dibetso tsa tlholego, a tlatsa ka go re komiti ya dibetso tsa tlholego ya kgaolo e tsweletse ka go dira dikanoko. A re thutuntsho eo, e ba tswetse mosolo ka maduo a yone a bonala. Are bana ba tshwanetse go supegediwa tsela fa ba fapoga. Rre Ramogapi o ne a supa fa khansele e tsweletse ka go tlhabolola bana ba dikhutsana ka go ba isa kwa mafelong a a faphegileng go ya go ba rutuntsha jaaka ba ne ba isa ba le 35 kwa Khwai, kwa lefelong la diphologolo la Moremi, kwa ba neng ba rutwa go bala le go kwala teng. Ba re go ngomola pelo gore e bo lefatshe la bone le le mo diatleng tsa batho ba ba tswang kwa dikgaolong di sele le ntswa borabone mogolo ba ne ba le somaretse ga mmogo le matlotlo a lone. O gakolotse setshaba go itse fa tsamaiso ya dikgolegelo e le go aga sesha ba ba otlhailweng ke makgotla a ditsheko mme ebile kgotla tshekelo e le yone e tlhomamisang lebaka la kgolegelo e setse molao morago. A re puso e tsere tshwetso ya gore dikago tshotlhe, go balelwa le matlo a badirela puso a tsenngwe motlakase. A re ope fela yo o nang le mpho a ikwadise, a tlatsa ka go re ba ntshe le megopolo ya gore letsatsi leo le ka tshwarwa ka tsela e e ntseng jang. Le nna ke santse ke le fa ka mabaka a gore ke setse morago motlhala o o bonalang. Rre Autlwetse a re, Pitsa e budule, ke nako ya gore e tsholwe. Batlhophi ba kgaolo ya Nata/Gweta ba kopilwe go tlhopha ntlhopheng wa bopalamente wa Botswana Democratic Party (BDP), Rre Polson Majaga ka e le ene a ka emelang dikeletso tsa bone. A re ke sone se kereke ya kgaolwana ya Radisele ya UCCSA e se dirang ka dinako tsotlhe mme se supa boineelo mo tumelong le gore fa badira jalo, Modimo o tlaa ba okeletsa gore bafitlhelele maikaelelo a bone. Mme Khubu o tlhalositse gore o ne a rutwa gore dinotshi di tshwarwa jang e bile di nale mosola ka di dira tsina, e e nang le dipoelo. Mme Motanzi o rotloeditse basetsana ka ene go itshepha le go nna le tumelo mo go se ba eletsang go nna sone mo botshelong, a supa fa e le bone bomme ba kamoso. Baithuti ba pele ba Matsha ba gopola balwetsi Mme Tauetsile a re mabaka a mangwe a ba kopanang le one ke gore bangwe ba supa fa ba na le bakapelo ba le bantsi. Gape o tlhalositse fa komiti ya ditlhabololo e tshwanetse go nna mokwatla wa gagwe, e mo lekodise e bo e mo thuse go tlisa ditlamelo tse di ka tokafatsang matshelo a batho mo motseng. Rre Venga o ne a gape a supa matshwenyego a go tlhaela ga didirisiwa tsa botsogo di tshwana le dikausu tsa itshireletso le melemo mo dikokelong. Rre Molosiwa a re khamphani e e dirang metsi le yone e tsweletse mme go rotloediwa makalana a puso le a a ikemetseng go reka kwa go bone gore e kgone go gola e bo e ka thapa badiri ba le bantsi. Ba supile seo mo phuthegong ya kgotla e tona a neng a e buisa kwa motseng oo bosheng. Ke sone se tlhokomelo mo ngwaneng e leng konokono go bona gore o ya sekolong a ipaakantse le gone fa a tswa sekolong motsadi o bona tiro ya gagwe. Tona Kgathi a re puso e boloditse lekoko la matona a puso a le matlhano, mme ene o patilwe ke Tona wa tsa Temo-Thuo Rre Patrick Ralotsia le Tona wa Ditsha le Matlo Rre Prince Maele go lekola boleng ja molelwane wa Botswana le go utlwa matshwenyego le go kopa megopolo go bona gore seemo se se ba lebaneng se ka rarabololwa jang. O boletse fa boikarabelo jwa go sireletsa diteemane e se jwa babereki ba meepo ya Debswana fela, mme ele jwa Motswana mongwe le mongwe. Rre Babitseng a re lefatshe la dipolase tsa thuo lone le bonwe kwa Kweneng Bophirima kwa le gone go segilweng dipolase di le lesome le botlhanao tsa thuo. A re puso e tsweletse ka mananeo go leka go lwantsha dikgwetlho tse di amang ditlhopha dingwe mo setshabeng jaaka bagodi, ba-na-le bogole, bana ba dikhutsana le masiela, a tlatsa ka go re puso e tlaa tswelela ka go itela mo dikomponeng le setshaba go thusa. Fa a bua kwa kgotleng kgolo ya ga Ngwakletse bosheng, Rre Moahi o boletse gore ba ne ba beile bangwe leitlho mme ka go tlhoka lesego batho ba teng ba supile fa ba sena kgatlhego. Go betla go tswa goo Lowe O tsweletse a re ga go ope yo o eletsang go berekela kwa kgaolong ya Ghanzi, mme le fa go ntse jalo Rre Mohube a re ba leka go itebaganya le dikgwetlho tse b abo ba ntshe maduo a ba ka a kgonang. Ngwaga tse tlhano tsa bo di lekane gore bobedi jo bo ka ikemela ba le nosi. E rile a araba banni mabapi le leobo la kgotla, mokwaledi wa makgotla a Setswana, Mme Sinikiwe Matiha a supa fa go baakangwa ga maobo a kgotla go le mo maruding a morafe. O tlhalosa fa bagolo ba ne ba na le boitseanape jwa go betla matlapa a a neng a dirisiwa go dira ditiro tse di farologaneng mo nakong eo. Rre Tsela a re le fa moletlo wa bone o tsamaile sentle, go na le dikgwetlho tse ba neng ba kopana le tsone mo thulaganyong ya one, segolo jang go tlhoka barotloetsi. Ba kopa diofisi tsa kgotla Mogwebi yo, a re le ntswa kgwebo e e na le dikgwetlho, o ikemiseditse go di tila ka methale yotlhe gore e atlege. A re keletso ke go bona mokgatlho o tsweletse pele e bile le dipalo tsa bomme ba ba kopanang le seemo se se bakileng gore ba simolodise mokgatlho di fokotsegile. Lenaneo la A re go a tshwenya gore fa batho ba fiwa mananeo a puso go ithusa go bo go na le bangwe ba ba sa a diriseng, ka se se busetsa puso morago mo maitekong a yone. Mme Mugonzo o tlhalosa fa dikgwebo ka bontsi di ne tsa itemogela koketsego ya letseno ka bontsi jwa batho jaanong ba ne ba tla go reka dilwana mo lebentleleng leo, mme ba fete ka bone go reka tse ba di rekisang. Kgosi Gomolemo Omphile, go tswa kwa Kgotleng kgolo ya ga Mmmangwato, o lebogetse baagi ba kgotla ya Talaojane neelano mo tlhophong ya kgosi ya bone. Fa a bua kwa moletlong mongwe kwa Maun bosheng, Rre Elias o ne a gwetlha batsadi go tlhokomela bana ba bone ka lerato. Mo mafokong a tebogo, mopalamente wa kgaolo Rre Prince Maele o akgoletse banni ba kgaolo ya gagwe go tsibogela pitso ka dipalo tse di kwa godimo jalo. O supile fa motse wa Lepokole e le mongwe wa e e ka ngokang bajanala ka e na le dithaba tse di nang le ditshwantsho tsa batho le diphologolo.A re noka ya Farm mo Bobonong ke nngwe ya tse di se keng di kgala.O supile fa setlhare sa mophane se se ratwang bobe ke seboko sa phane se le sentsi mo kgaolong ya Bobirwa ka kakaretso, a tlatsa ka go supa fa bontsi jwa Babirwa ba itshetsa ka phane. Moteledipele wa lekoko le le tlhomilweng go etelela pele kgang ya bogosi jwa Shoshong Rre Matlotlo Ramokwena, a re e re ka tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Peter Siele le motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato Kgosi Sediegeng Kgamane ba sa kgona go rarabolola kgang ya bogosi ka nako e e tshwanetseng jaaka Tautona a ne a laetse, jaanong ba dumelane go dira dipopelelo tse di tlaa felelang ka go neela molaodi wa kgaolo ya legare Mme Thobo Mapitse lekwalo la dingongorego. Boitumelo e ne e le jo bo sa laolesegeng fa barutabana ba bonana le bakaulengwe ba ba sa bolong go kgaogana le bone morago ga go tlogela tiro. O tlhalositse gape fa go tlaa nna go tswelelwa go tlhatlhojwa go bo go botsolotswa botlhe ba ba gorogang ba tswa mafatsheng a sele. O lemositse botlhokwa jwa LEA, a gatelela ka gore fa motho a eletsa go tsena mo kgwebong mme a sa feta ka LEA o a bo a sa itirela sentle mme a kopa banana ba ba nang le keletso go simolola kgwebo go inaakanya le LEA. Maloko a Spirit Embassy ba ne ba phepafatsa matlo a borobalo a a neng a amegile. A re go dira jalo ke tlolo molao e Batswana ba tshwanetseng ba e hema ka dinako tsotlhe, a tlatsa ka gore ba tshwanetse ba sala morago tsamaiso e e leng teng go thapa batswakwa. Kgosi Hetanang o ntshitse matshwenyego a mo potsolotsong bosheng. Fa a tswa la gagwe, Kgosi Motsiele Tsiane o rotloeditse morafe wa gagwe go itirela dijo le gone go tsosolosa moletlo wa go ipelela thobo gonne go dira jalo go tlisa mowa wa tirisano mmogo, tshwaragano le tswelelopele ya motse. Rre Kgathi a re gompieno bana ba tla bo ba bereka ba le mo tlhokomelong ya batsadi ba bone mme e bile go sa tlhokafale gore ba hirise matlo. A re kwa Nata kgwebo ya matlo a boroko e sa ntse e tlhaela ka jalo a kopa puso go thusa batho ba kgaolo eo go ikopela ka bone ba sa ntse ba na le tshiamelo. Assistant Keagetswe Lorato o supa fa molao o sa tseele batsadi ba ba latlhelelang bana ba bone dikgato, mme a supa fa go itlhokomolosa ngwana, go sa supe setho. E ne e rile go le pele, molemisi wa kgaolo eo, Rre Onious Ncube a supa fa balemi ba kgaolo ya gagwe ba lemile diekere di le 2364.65 tsa dimela tse di farologaneng di akaretsa mabele, mmidi, lebelebele le dinawa. Lekoko leo, le le eteletsweng pele ke Kgosi Medupe le akaretsa Rre Gomolemo Baoliki, Mme Oageletse Khunong le Mme Tamabuya Moeng ba e tlaa reng kgwedi eno e le lesome le bone ba buise phuthego go lekodisa morafe ka thomo ya bone. O supile fa komiti nngwe le nngwe e tlhoka banana mme a re sebe sa phiri ke gore ga ba tsene diphuthego. Bobedi jo, e bong Rre Lopang Moanaphuthi wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabobedi le monnawe Bonolo Moanaphuthi wa dingwaga tse di masome a mabedi le borataro, ke bangwe ba Batswana ba ba dumelang gore lefatshe leno le na le meamusu ya khumo e e nonneng e batho ba ka tokafatsang matshelo a bone ka yone. Rre Lenkokame o kaile fa ba ne ba remeletse thata ka go ruta le go gasa molaetsa mo dikgannyeng di akaretsa tiriso botlhatswa ya nnotagi, mogare wa HIV le bolwetsi jwa AIDS, molao wa bana wa 2008 ka go etela dikole di karetsa sa Bokspits, Rapplespan, Vaalhoek le Struizendam go simolola ka lokwalo lwa bone go fitlha mo go la bosupa. E re dikgang di eme jalo, Kgosi Nkgageng o tlhalositse fa tirisanyo ya bone le ba sepodisi e le e e nametsang,a bolela fa ba tlaa tswelela ba dira ka gotlhe mo ba ka go kgonang go itepatepanya le go fedisa borukutlhi. Le fa go ntse jalo, mmueledi wa mosekisiwa, Rre Yul-Sharar Moncho wa YS Moncho a re Zulu ga a a tshwanela go rontshiwa tshwanelo ya go leta tsheko kwa ntle ka mabaka a e seng nnete a go tlhoka go ithulaganya ga bosekisi. O tlhalosa fa kgwebo ya gagwe e na le mosola mo morafeng ka gore go le gantsi ditlamelo di tshwana le go dira dipampiri tsa dithulaganyo tsa phitlho di ntse di dirwa kwa Mahalapye, mme kgwebo ya gagwe e fokoleditse batho mosepele wa go latela tirelo e kwa ntle. O supile fa a godile fela a sena kakanyo ya go ka bopa mme mogopolo o, o ne wa mo tlela ka ngwaga wa 2006 fa a ne a itirela mekgabisa ya mo lwapeng fela. Mosupi wa mongongoregi mo tshekong ya go ngongorela maduo a ditlhopho, Rre Oitisitse Dikhuhang a re le fa a sa utlwa se se neng se buiwa ke mongwe wa leina la Rre Bajeleng Kaodimba o belaela gore o ne a leka go bapatsa phathi ya Domkrag ka letsatsi la ditlhopho. O tsweletse ka go supa fa letlhoko la matlwana a borutelo e le bontlha bongwe jo bo sa ba jeseng diwelang ka go na le bana ba ba kopanelang matlwana a borutelo mme go nne mosuke fa ba bangwe ba rutelwa ka fa tlase ga ditlhare. Fa a ama bogadi jo bo ntshediwang mme fa a tsena mo nyalong, Kgosi Bimbo are pele boora monna ba ka simolola tiro ba tshwanelwa ke go ya go kopa tsamaiso ko go boora mosadi mme ba e sale morago go fitlhela thulaganyo yotlhe e wela. O akgoletse Rre Williams yo eleng monna wa gagwe go ba thusa mo go kopeleng bagodi ba kereke eo dimpho tsa diaparo, dikobo le melora e tlhapang. Bana ke bokamoso jwa rona e bile ke baeteledipele ba rona, jaanong fa re sa ba gakolole re a itatlha, a tlhalosa. O gakolotse batsadi go isa bana kwa kgotleng, a bolela gore go na le lenaneo le ba agang ngwana yo o sa utlweng. A re puso e tsere tshwetso ya go simolodisa lenaneo la go aga matlo a dikole bogolo thata a boroko jwa barutabana le a borutelo ka lenaneo la Bag-log-eradication le dingwe ditiro tse di neng di le mo lenaneong la ditlhabololo tsa bolesome. O boletse fa mo kgaolong potlana ya Serowe, ba kwadisitse masiela le batlhoki ba le 1 434. Mookamela lephata la dikgolegelo, Colonel Silas Motlalekgosi, a re lephata la gagwe le tlaa simolodisa thulaganyo ya go ruta setshaba ka tsamaiso ya dikotlhao go hema dikgang tsa gore dikgolegelo di golola batho pele ga lebaka le le beilweng. A re go bopiwa ga nkgo go tlhoka matsetseleko ka fa gongwe nkgo e kgona go thubega e setse e fedile ka le baka la mogote o montsi fa e setse e fisiwa. Mopalamente wa Ghanzi Bokone a re tshwaragano le tirisano mmogo ke yone tsela le boammaruri mo go tsiseng ditlhabololo mo kgaolong ya bone. Moruti Puisano Tsintsabe wa kereke ya UCCSA mo Tsabong e ne ya re a ntsha la gagwe la kgothatso a nopola mafoko a a boitshepo mo lokwalong lwa ga Genesi wa ntlha temana ya ntlha go ema ka ya botlhano. Rre Mmereki o ne a tlhalosa fa a itumelela gore go na le batsadi ba ba setseng ba kgona go dira jaaka ene ebile a ba kgothatsa go tswelela ba dira jalo. Mo go tse dingwe, Rre Batshu o ne a bolela fa terena ya setshaba e boela mo tirisong ka kgwedi ya Moranang mme go tlaa nna le diphetogo tsa mafelo a e tla tsamayang e ema mo go one. Bangwe ba a betla ba bo ba rekisa fa bangwe ba betla fela go dirisa tse ba di betlileng mo malwapeng. A re ba ka seke ba bone dimpho tsa go nna jaana fa ba goga dinao. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Molepolole ka Mosupologo, Rre Phuthe o ne a gakolola gape fa ditsha tsa kgwebo di duelelwa ngwaga le ngwaga, mme a bua fa beng ba tsone ba ntse moriti o tsididi. Rre Ntshwabi yo o dingwaga di masome a mabedi le boferabobedi, a re o simolotse kgwebo ya gagwe e e bidiwang Ntshwabi Shoes Holdings kgwedi ya Ngwanatsele ngwaga o o fetileng ka dipodi tse dinamagadi tsa Setswana di le masome a matlhano le boferabobedi le diphoko di le nne tsa mofuta wa boer goat. A re bangwe ba felela ba bolelela ba ba agetsweng matlo gore le bone ba na le tshwanelo ya matlo a a agilweng ao. Seretse o itumelela kgatelopele Rre Sebigi o tsweletse a tlhalosa gore bomme ba na le bothata jwa go tlhoka go itsaya ka tlhwaafalo dinako tse dinngwe. Ba ne ba boa ba kopa mopalamenete go bua le puso gore e ba tsenyetse motlakase le tsela ka go lemosegile e le tsone tse di okang bagwebi. Fa a tswa la gagwe, molomaganya ditiro wa lephata la banana, metshameko le ngwao mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Boikarabelo Diane o ne a supa fa go bereka ba bopagane, ba le seopo sengwe le gone go tsaana ka tekatekano e bile ba gakololana e le badiredi ba kgaolo, e le gone go nnileng le seabe mo go reng ba bone maemo a a itumedisang ao. O kopile balemi go somarela bokgola ba dirisa ripara ka e bile e thusa gape le go thuba legogo le le ikadileng kwa tlase ga mmu. O tlhalositse fa lenaneo le tswetse phatlha e e neng e le teng fa gare ga batsadi, barutabana le baithuti ka a re fa go na le phoso e kgona go lemosega ka bofefo, a tlhalosa gape fa motsadi a tshwanetse go tla sekoleng setlha sengwe le sengwe go bona ka fa ngwana a tsweletseng ka teng. Rre Osenotse o ne a tswelela a kopa balemi go ikwadisetsa temo le dipeo ga mmogo le beng ba diterekere go sa le nako. Dipaakanyo tsa boipuso di tsweletse sentle A re mo go baka gore ngwana a felele a ja megare e e mo matsogong a gagwe. O ne a kopa bagolo ba motsewa Manaledi go ruta banana ba motse go dira dinkgwana tse di dirwang kwamotseng oo ka di ka thusa go tlhabolola matshelo a bone. Amogo le matlhapa a kwa dipotong. Moruti Khan a re Modimo ga o rate dilo tse, ke sone se pula e ganang go na. A re bomme ba na le seabe se setona mo go ageng malapa ka jalo ba tshwanetse ba ikaega ka tumelo nako tsotlhe ebile a rotloetsa borre go ba ema nokeng ka nako tsotlhe gore ba kgone go kopanela tiro eo. Rre Kgopana o tlhalositse fa lenaneo leo le akaretsa bana ba ba tlodilweng ke sekole e le tsela ya go ba suga gore ba nne mo seemong sa go tsena sekole. Phutho matimela e tsweletse E rile Rre Mofita Sekgweng le Rre Gasone Lesonya ba buisa phuthego eo, ba tlhalosetsa banni ba Bokaa fa khamphani ya Machaena e e neng e thapetswe go gokela diphaephe tsa metsi mo Mahalapye e wetsa tiro kgwedi eno e ya fifing. Setlhopha sa Gareng ga Dithota sa Khawa se ne sa ikgapela maemo a ntlha, sa lomiwa serota ke sa Trek e Ding sa Vaalhoek, maemo a boraro a gapiwa ke ba Speel ga Nog go tswa kwa Bokspits fa maemo a bone a tserwe ke ba Kalahari Dancers go tswa kwa Struizendam. Mme Ramaribana a re bana botlhe ba tshwanetse ba fiwa thuto go sa tlhaolwe ope ka popego. Batsadi ba rotloediwa go tsaya karolo mo baneng Rev Setlalekgosi a re Re tlhophile mediro ya dikoloi e e tshepagalang mo lefatsheng la rona, mme re solofela fa se se tla thusa go rarabolola matshwenyego a dikokelwana tse di ntseng lobaka di sena dikoloi. A re lephata la gagwe gape le batla go ipaakanyetsa dikago tsa lone ka gonne go tsaya lobaka gore lephata la dikago le baakanye dikago. Rre Ganetsang le mohumagadi wa gagwe Mme Collen Ganetsang ba ne ba ngomolwa pelo ke seemo sa bana ba ba bo maipaafela ba ba gobeyang mo marekisetsong a toropo ya Jwaneng ,ba a ja mo ditankeng tsa matlakala, ebile ba sa tsene sekolo. A re setlhopha sa bone ke mmamoratwa mo kgaolong ya Legare, a supa fa ba lalediwa go diragatsa mo medirong ya makalana a puso le a a ikemetseng ka nosi ka go farologana, a tlatsa ka gore ngwaga le ngwaga ba tsena dikgaisanyo tsa malatsi a ga tautona tsa bodiragatsi. A re fa bana bao ba ba botsa gore ke ka goreng ba dira jalo, ba bolela fa batsadi ba sa ba tsisetse dilwana tse ba di tlhokang, fa bangwe mo go bone ba ngwega ka lebaka la gore ba ya kwa diphitlhong tsa ba masika a bone, tse mo gongwe ebile ba ba tlhokafetseng ba sa amane gope le bone. Mme Ramsden o buile jalo mo moletlong wa ‘Girls and ICT’ o o neng o tshwaretswe kwa Annes Park kwa Selebi Phikwe bosheng. Batlhophi ba ne ba eleletsa mopalamente wa bone katlego mo tlhophong ya gagwe ya AU ba re a Modimo o mo segofatse. A re morago fa go sena go itshielwa go nna tlhakatlhakano mme ditiro tsa botlhokatsebe di golele pele. Mopalamente o boleletse banni fa ba tshwanetse go emela ditlhabololo tsa metse ya bone ka dinao. Rre Dithonamo Motsamai e le mogolwane wa motse, o ne a tlhalosa fa ba ne ba kopanela morero le morafe wa Lesenepole jaaka bogosi jwa ga Mmamangwato bo ne bo kopile, mme morafe wa tswa ka maina a le mabedi a dikgosana tsa tetlanyo, ebong Rre Ikalaheng Senwedi le Rre Kgosiemang Kebuamotse. O ne a wetsa ka go re a tlotle morafe gore le bone ba mo tlotle, a reetse tsotlhe tse ba di mmolelelang, ka go twe mafoko a kgotla a mantle otlhe. A re gore seo se kgonege, go botlhokwa gore melawana ya ditsamaiso e nne teng go rurifatsa tshimolodiso le go nna teng ga Trust Account. Mme Lesole o buile jaana bosheng jaaka sekole se segolwane sa Maunatlala se ne se rolelwa dikago tse di sa tswang go wela tse di neng di agwa ka lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP ke ba lephata la thuto go tswa kwa Gaborone ba ba neng ba tlhokometse kago eo. Fa a araba, mopalamente o boletse fa puso e leka go bona gore molao o a baakanngwa gore fa mogwebi a fitlhelwa ka leruo le a le rekileng e le la bogodu a tseelwe dithoto tse di dirisitsweng go utswa leruo. Balemi ba gakolotswe go adimana
 masimo Mme Molamu o supile fa bontsi jwa dilwana tse a di rokang e le paka ya dikole mme a re khansele ya Kweneng ke yone e ba etleetsang thata ka go rekela bana ba metse e e kgakala le ditlamelo ga mmogo le ba masiela mo go bone. O kopile Batswana gore ba seka ba dirisa matlo a bone jaaka dipolokelo tsa madi mme ba dirise dibanka, a tlhalosa gore go a baya mo matlong go ka oka dirukutlhi. Ipapatso eo kgatlhanong le mogare e ne e ikaeletse go oketsa go itlhatlhobela mogare ga batshameki ba kgwele ya dinao le bolotloa ka e le metshameko e e nang le tatedi e ntsi. Mpho e ya paka e ile gape ya abelwa sekole se sebotlana sa Moletemane. A re bomme ga se batho fela ba ntsifatsang palo ya batho , ke batho ba ba nang le tebelopele, gape ba akanya. Modiredi wa ofisi ya ditlhopho, Rre Lebonetse Maifala o tlhaloseditse banni fa go ya go nna le matlhophelo a masha kwa kerekeng ya Head Mountain go fokotsa mosuke kwa Masedi. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti, Rre Simonda Masole o tlhalositse fa a kgotsofalela ka fa dipaakanyo di tsamayang ka teng mme e bile a dumela fa e tla re nako ya peo ya kgosi e goroga tsotlhe di bo di apere tshiamo. O ne a bolela fa komiti kgolo e tlaa tswelela e etela dikomiti tsa PTA mo kgaolong go netefatsa gore go na le tirisanyo mmogo fa gare ga di PTA, batsadi le barutabana, le go tsena diphuthego tsa bone go nete. A re go le gantsi batho fa ba na le mediro e tshwana le manyalo le mekete ka go farologana, ba reka bopi jwa borotho ba bo ba mo neela gore a ba apeele jaaka ba eletsa. Mokhanselara wa Bojanala mo kgaolong ya botlhopi ya Maun Bophirima, Rre Luke Motlaleselelo, o rotloeditse komiti ya ditlhabololo ya Xaxaba go tsaya tiro ya yone ka tlhwaafalo. Banni ba ne ba lemotsha tautona letlhoko la bone la motlakase mme mo go kgwiweng kgaba, mokwaledi mogolo mo lephateng la meepo, kgothetso le metsi, Rre Boikobo Paya, a ba tlhalosetsa fa mo bogompienong go ise go dirwe tshwetso ya gore go gokelwe motlakase kwa Qabo, a ba lemotsha fa motlakase wa marang a letsatsi e le one o puso e o rotloetsang go sa ntse go lebilwe seemo sa itsholelo gore se tokafale. A re go na le makgetho a le mantsi a bana ba tlogetseng sekole ka jaana go a bo go sena kgalemo ya botsadi. Dibui ka go farologana kwa moletlong wa kabo dietsele o o neng o tshwerwe bosheng ke sekole se sebotlana sa Mathiba kwa Maun di supile batsadi ka monwana di re ba na le seabe mo kwelong tlase ya maduo a dithuto tsa bana ba bone. A re go bo banni ba ne ba kaya fa mananeo mangwe a le bonya go goroga kwa go bone, fela ba nne pelotelele go felela ba nole mananeo ao moro. Bomme ba ba re ga ba ise ba nne le mathata ape mo tsamaong ya nako ka jaana ba na le merero, bopelotelele le kutlwano mo go se ba se dirang mme e bile gape ba eteleditse Modimo pele mo go tsotlhe tse ba di dirang. Bishop Jakobe o lebogetse neo e Modimo a mo e fileng ya go nna motlhanka wa letsomane la ga Jehovah, neo ya go fodisa makoa e a kaileng fa a sa e reka gope mme a tsetswe ka yone ebile a dumela e le mpho e e tswang kwa Modimong. E agilwe ka mmu e bo e rulelwa ka bojang. A re le ntswa ngwaga ono palo ya bajanalana ene e le kwa tlase ka mabaka a sejana sa lefatshe, letseno ke le le nametsang ka a sa lale ka tlala. Mme Diatla a re ba itumedisiwa ke lenaneo la nyeletso lehuma, mme sebe sa phiri ke gore le goroga ka bonya kwa motseng oo.A re go setse go rutuntshitswe bontsi ka go tsamaisa mananeo a a farologanyeng mme fela go abetswe ba le palo potlana, mme a kopa puso go potlakela go ba thusa. O ka atlholwa dingwaga tse tharo go ya kwa go tse supa mo kgolegelong, fa e le gore motho o itlhokomolosa dikgang tse mme a di bona, ga tswelela Rre Molebatsi. Rre Morakanyane a re kabo ya ditsha e tsamaisiwa ka molao, a tlhalosa fa go ikabela lefatshe e le molato, a tlatsa ka gore ba ya go sekaseka bomaipaafela ba metse, masimo, didiba le meraka, ba tsaya dipalo tsa bomaipaafela le gore ba ntse mo mafelong ao lebaka le le kae. O ne a tlatsa ka gore batsadi ba bana ba sekole seo ke dinatla, ka jalo a re o dumela le bana ba sekole seo e le dinatla ka ba kwatabolotse mo batsading jwa bone mme seo se tlaa tsisa maduo a a kgatlhisang. Mme Motemane a re balemi ba felela ba gasa ba tlhobogile temo ya ditselana. Puso e tlaa phimola keledi barui ba dikgomo tse di neng tsa a swa morago ga go busediwa ga dikgomo le dihutshane mo bontlheng bongwe jwa kgaolo ya Bokone Botlhaba jo bo neng jwa amiwa ke tlhagogo ya bolwetse jwa tlhako le molomo. Mme Rakgotla a re dipatlisisio tsa ngwaga wa 2017 di supile fa dipalo tsa batho ba ba tshelang ka mogare ba le 380 000, bomme ba le 210 000, borre 160 000 bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le bone ba le dikete di ferabongwe (9 000). Kgwetlho ke gore molelo o simolola kwa tlase, mme fa o tima fa godimo kwa tlase gone o ntse o tshwere fela, ga tlhalosa Mme Kachana. Mogolwane kwa ofising ya boipelego mo khanseleng ya Lobatse, Rre Thomas Mokgethi, o boletse gore mo lephateng leo ba itebagantse le matshelo a batho mo gae. Moruti Tsuaneng a re fa o jwala lerato o bo o na le tumelo ya gore letsatsi lengwe lerato leo le tlaa ntsha maduo a a molemo. Kgosi Radipitse o tsweletse a re seemo sa borukutlhi se golela pele. Ba dira ditlatla le difala e bile gape ba dira le dilo tse dintsi jaaka go roka ditlhako tsa dipolaseteke le go loga mebese. One gape a kopa gore ba direlwe fa ba tla tseelang teng ditlamelo tsa botsogo ka ba latela botsogo kgakala. O ba gakolotse go itshwaraganya le ene ka a ikemiseditse go ba direla. Mme Malema a re VDC e gweba ka matlo a le 19 a a tsentsweng motlakase le metsi gammogo le tshingwana ya merogo. O ne a tlatsa ka go re ba itemogetse gape fa bangwe ba felela ba phuaganya ditsha di sa tlhabololwa, selo se se bakwang ke tiego ya go thusiwa. A re batho ba dingwaga tse 18 go ya kwa godimo ba ye go ikwadisetsa ditlhopho ka nako e e beilweng le gore ba rurifatse gore bo Omang ba bone ga ba na go felelwa ke nako ba ise ba kgone go ikwadisa ka molao o mosha o re ikwadiso e nna gangwefela. O tlhalositse fa a ikaelela go inaakanya le mananeo a puso a a ka mo thusang go reka motshine o a ka o dirisang mo kgwebong. Leloko la komiti, Rre Harrison Keatewa a re setshwantsho se se bidiwang A United Kingdom, se rulagantswe ka 2016 ke Mme Amma Asante yo batsadi ba gagwe ba tlholegang kwa Ghana mme ene a tsholetswe kwa London. Mogokaganyi wa mokgatlho oo, wa leina la Itekeng Batswapong Disability Association, Rre Moatshe Motoma o boletse bosheng kwa phuthegong ya go tsosolosa mokgatlho oo gore kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami e na le batho ba ba tshelang ka bogole ba le bantsi thata. Arch Bishop Mereyabone o boletse fa maikaelelo a bone e le go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong le fa e se balatedi ba kereke eo. Kwa bofelong ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Molosiwa Molosiwa o ne a supa fa go na le kgatelopele mo go lekeng go ngokela bagwebi mo toropong ya Selebi Phikwe ka dikompone dingwe tse di rokang di setse di butse e bile di bereka. O bolela fa rragwe mo nakong eno, a le dingwaga tse di masome marataro le borataro. O gakolotse balemi go ithuta go dirisa methale e e siameng jaaka go epa seolo se se mo masimong go kgona go bolaya motlhwa. A re ba bangwe ba di dirisa mo meletlong jaaka manyalo go tsenya dithunya. A re go le gantsi tonki ga e tshwaiwe sentle. O ne a supa fa a rekelwa thata ke banni ba motse wa gagwe le maphata a puso. O boletse fa dilo makwati di kotobotswa mo go babangwe mme a gakolola diitlhopha go tlhoka go kgala bangwe mme segolo ba emane nokeng ka go kopa mo go ba bangwe le go ithuta mo go bone ka seo se ka thusa thata mo go tlhabolololeng mmino wa bone. Mme Ramsden o tlhalositse fa moono wa letsatsi o o reng, ‘go katolosa kitso le go fetola boitshwaro’, e le kgwetlho mo ngwaneng mongwe le mongwe wa mosetsana go bulega tlhaloganyo go fetola dikakanyo tsa gagwe ka se a batlang go nna sone mo botshelong. O rotloeditse batsadi go agela mafoko a mopalamente mosako, segolo bogolo mo kgodisong ya bana ka gore ke bone bokamoso jwa lefatshe. O ba kopile gore a seo se seka sa nna teng, a tlhalosa fa e tla bo e le go baka dikgoberego. Re A Nyalana e tsosolosa serodumo sa malwapa Go bua Setswana ka botswerere ke mmammane Mapodise a le mabedi le modisa magolegwa ba ba direlang kwa Kanye ba tlhabilwe ke magolegwa ka sengwe se se bogale ka Mosupologo, fa ba le mo tseleng go ba isa kwa kgolegelong kwa Gaborone go tswa Kanye. Kwa Hatsalatladi mothusa tona o lekodisitswe gore mo ditirong di supa tsa temo ya merogo mo digotlong, dile tlhano kwa Hatsalatladi le sele sengwe kwa Mahetlwe di dira bontle mo temong ya morogo wa sepinatshe le tamati, ntle le gore gone go lebega di amilwe ke pula. Mme Madome o tlhalositse fa a ikaelela go ruta ope fela yo o nang le keletgso ya go itse go loga ditlatlana, go balelwa le banana ba ba aparetsweng ke lethoko la ditiro. A re go bo ba reka kgomo e e tlhomamisegang e bile e rurifaditswe gore ga se ya bogodu go baya nama ya lefatshe leno e e rekisetswang mmaraka wa Europa le e mengwe mo tshiamelong ya go eletswa bobe ke mafatshefatshe. A re mo ditsheng tse go akareditswe tsa dikereke, dikgwebo, madirelo ga mmogo le bonno. Rre Mokaila o kopile phuthego go tsaya boikarabelo mo go tsotlhe tse ba di dirang ka go ineela mo Modimong, ka jaana maikaelelo a go emisa kanamo ya malwetse jaaka HIV/AIDS le Ebola le dihawa tse dingwe e ka atlega, mme lefatshe le tlaa robalelwa ke ditlhokwa. Rre Sebina o supile fa bosheng a ne a isa bana ba le masome a mabedi le bongwe go tswa mo kgaolong go ya go iteka lesego go tshamekela setlhopha sa Township Rollers sa dingwaga tse di ka fa tlase ga masome a mabedi le bongwe. O tlhalositse gore puo ya Setswana ga e sa tlhole e na le boleng ka gore ga e buiwe jaaka ba fitlhetse e buiwa ke batsadi ba bone. Sekoloto seo ga se akaretse dikompone. O tlhalositse gore dimpho tseo ka bobedi di tlaa neelwa sekole mo nakong e e sa fediseng pelo, a gatelela ka gore maiteko ao ke go godisa boleng jwa thuto. A re ba na le mananeo a go thusa banana ba ba nang le ditalente tse di farologanyeng. O ne a supa fa go sena sekgoreletsi sepe sa gore Rre Matho a tseye setilo ka e le tshwanelo ya gagwe. A re ngogola balemi ba ne ba felela ba ipaakanyetsa masimo bangwe ba lema sesha morago ga go leta dithuso ka lobaka go tswa kwa lephateng leo. A re mo nakong eno bana ba ithuta ba kgotlhagane mo matlong a borutelo e bile bontsi jwa dikago tsa sone di onetse ka ele sengwe sa dikolo tse dikgologolo kwa Francistown. Molamu o iphataphatela ka go roka Banni ba tsweletse ba ngongorela go tlhoka go eta ga matona mo kgaolong ya bone, ba supa fa ba sa le ba letile tona wa botsogo, wa temo-thuo gammogo le wa ditsela, mme le gompieno. A re tshekatsheko e direlwa gore ba kgone go tlhaloganya diemo tse di farologanang mo malwapeng a a thusiwang. Motshwarelela mookamela thuto kwa kgaolong ya Kgalagadi mme Maipelo Kesenye o akgoletse Banka ya First National Bank Botswana (FNBB) le ba Botswana Power Corporation (BPC) go tsenya letsogo mo maitekong a go tokafatsa maduo kwa Kgalagadi. O gateletse gore batsadi ba tshwanetse go nna sekao mo baneng ba seka ba ba roma go ba rekela ditagi gape ba seka ba dirisa ditagi mo ponong ya bana. Ba supile fa tiriso ya didirisiwa tsedi lebanyeng ele botlhokwa fela thata le gone go sala ditaelo tsa balemisi morago ka nako tsotlhe. O ne a tlhalosa gore mo nakong e e tlang, ba tlaa bo ba ruta balemi ga mmogo le batho ka kakaretso jaaka diolo di thubiwa mme a kopa balemi go tla go itseela botsipa. Barui ba tlaa phimolwa keledi Mo dikakgelong tsa bone, banni ba ikuetse ka tlhaelo ya metsi mo motseng le tlala e e bakwang ke letlhoko la ditiro bogolo jang le le amang banana. A re bangwe batsadi fa ba begelwa ka seemo se, ba ntsha mafoko a e seng one, a a supang fa ba rata e bile ba rotloetsa seemo se. O ile a re, go tla diphuthegong tsa kgotla ka dipalo tse di kwa godimo go fa seriti, le serodumo se se kwa godimo mo go yo o ba etetseng. Bagwebi bangwe kwa motseng wa Mambo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba supile fa dikgwebo tsa bone di sa bone kgolo epe e e kalo ka ntlha ya palo e e kwa tlase ya batho, segolo jang ba ba berekang mo motseng wa bone. Molao o wa borukhuthi jwa maranyane o sireletsa le bana gotlhe le bagolo ba ba dirisiwang botlhaswa ka go tsewa dinepe ba sa tswala. Kgosi Petelelo o boletse fa ofisi e okametseng mananeo a twantsho bolwetse jwa AIDS mo Boteti e le yone e neng e eteletse pele lenaneo la go kopa madi le kago ya matlwana a. E ne e rile go le pele, mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Tutume, Rre Maipelo Selatolo a amogela baeng a bolela fa bokopano joo e le jwa go lekolana ka botsogo jwa bone e le badire le go tla ka ditsela tse ba ka tokafatsang seemo sa botsogo mo tirong. A re ditlou tseo di dikile gape di senyeditse balemi bangwe thobo, a tlatsa ka go re go makgetho a le mmalwa ba ikuela kwa lephateng la diphologolo mme go se ope yo o ba tswang thuso. Ba-na-le bogole ba ka nna bagwebi Kgosi Boitelo Gaogakwe wa Morwamosu o ne a akgola banni ba motse oo go bo ba nnile le tirisanyo mmogo. Batho ba kgotla ya Sepalamoriri kwa Radisele ba kgadile ba menne phatla basetsana ba ba tsweletseng ka go senya boimana le go latlhela masea mo matlwaneng a boitiketso. Rre Mochanang o buile jaana mo phuthegong ya kgotla e e neng e tsherwe ke ofisi ya gagwe kwa Mmathubudukwane ka Laboraro. A re go rekela ngwana ka mogala ke go mo rotloetsa mo thutong ga mmogo le motsadi wa gagwe ka a mo eme nokeng. Balwetse ba abetswe dimpho E rile a lebogela matlo ao, mongwe wa ba ba abetsweng matlo, Rre Kapenavarwe Kaventengure a leboga Tautona, lebenkele la Choppies le banaleseabe ka kakaretso go bo ba bone go tshwanela gore le bone ba nne le bonno jo bo siameng. Barui ba ditonki ba lebogetse dithuto fela thata. Mme Segwagwa o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa go lemoga kgosi gangwe fa a tsena mo gare ga morafe, jaaka go ema ka dinao. Rre Kabisa le Rre Chobo ba tlhalosa fa go tlhabolola tsela eo go ka sologela banni ba Kasane molemo, ka go ka fetola tebego ya Kasane, mme go godise mhama wa bojanala. O gwetlhile banni bao go ikopela lenaneo le ka dipalo tse dintsi ka jaana kgaolo ya bone e siametse thuo, mme a ba kaela go etela ofisi ya bone go tlatsa difomo tsa ikopelo, a supa fa ikopelo ya lenaneo le e tsamaisiwa fela jaaka a mangwe a ntseng a le teng a LIMID. Mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Moagi Molebatsi o kopile morafe wa Sikwane go tlhokomela noka ya Madikwe ka e ka ngoka bajanala le go tsosolosa itsholelo. E re le ntswa seemo sa bosa se kgoreleditse temo, balemi bangwe ba akgoletswe tiro e ntle e ba e dirileng mo masimong a bone. O buile se mo phuthegong ya komiti ya ipalelelo tseleng kwa Mahalapye ka Labobedi. Kgosi Mokgatla o buile jalo mo potsolotosng lbosheng. Lenaneo le tokafatsa maduo A re ka jalo ke maikaelelo a bone gore e nne tiro e e tlaa kgatlhang leitlho. Fa ba tswa la bone, banni ba Botlhapatlou ba ne ba supa kgang ya bone e tona e le tsela ya go tswa Hatsalatladi e ya Botlhapatlou, ba kopa gore e tshelwe sekontere. Mopalamente Moatlhodi a re botshelo bogolo bo kwa tshimong jalo a kgothatsa balemi go tshwara ka thata mo temong. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa mokgatlho wa Letlhapisa Le Lengwe, Mme Tebogo Motsumi o supile fa mokgatlho oo, o itebagantse le go lwantsha dikgang tsa tiriso phetelela nnotagi le borukutlhi. O tsweletse a kopa ba sepodisi go abela sekole se segolwane sa Kgari Sechele baithaopi ba twantsho borukutlhi go ne ba ela seemo sa borukutlhi tlhoko kwa sekoleng seo. Fa a simolodisa letsholo le kwa morakeng wa Lechana bosheng Rre Seretse o boletse gore puso e lemogile fa bogodu ja leruo bo apesitse lefatshe leno bogolo jang kgaolo ya legare kobo ka letshoba. O rile didirisiwa di tshwana le tsa kapei di tla ka monokela, a re mme seo se ba paledisa go akola mananeo ao. Rre Motshegwa o tlhalositse fa morafe o ne wa dumelana ka bongwefela jwa pelo go aga leobo la kgotla la maemo a ntlha le le iseng le agwe gope mo lefatsheng leno. Mme Nfila a re Batswana ba tshwanetse go lemoga botlhokwa jwa mananeo a tshwana a, ba seka ba nna ditlhong go ithusa ka lenaneo ka jaana go tshwana fela le motho a adimile madi kwa bankrng go aga mme a dire thulaganyo ga go a busa. Mosekisi wa mmuso mo kgannyeng e, Sub Inspector Barulaganye Tisase, o kopile lekgotla gore mo tshekatshekong ya lone ya boikopelo jwa go leta tsheko kwa ntle ga ga Zulu le ele tlhoko mabaka a gore ga se yo lekgotla le ka mo tshephang ka jaana a tsweletse ka go ikgatholosa ditaelo tsa lekgotla fa a filwe sebaka sa go leta tsheko kwa ntle. Mo letsating leo diphuthego tsa Romago tswa Tsabong le mafelo a a mabapi di ne tsa abela Bishop Seane dimpho tse di akaretsang dijo, dino-tsididi, le madi e le tsela ya go mo leboga. Ba akgoletse puso go akaretsa go thusa balemi ka dichefi tsedi lwantshang mohero mo lenaneong la ISPAAD ka go supega fa Batswana jaanong basa tlhole ba batla go bereka kwa masimo. O ne a supa fa moalo wa ditsha tsotlhe o tlaa thusa maphata a puso go isa ditlamelo jaaka metsi, motlakasi, ditsela, le tse dingwe fela jalo kwa ditsheng ka bofefo. Go tlhagoga ga molelo kwa lehuting la matlakala la Gamodubu ka Labobedi go bolelwa go ne ga kgoreletsa ditiro dingwe tsa letsatsi. A re fa mebaraka e tswalwa BMC e tlaa tshwanelwa ke go fokotsa tlhwatlhwa e e rekang kgomo ka yone, mme se se ame baruakgomo le bareki ba kgomo botlhe. Mongwe wa banni ba Shakwe, Mme Gabanapoloko Kennekae o tlhalositse fa a phakile peo eo e bile a setse a lemile. A re dipatlisiso di supile fa ekere e le nngwe e ka busetsa molemi dipula di le dikete di le tlhano mme a supa fa e tlaare lenaneo le le le gaufi, go tlaatla barutuntshi ba ba tlaa tlhalosang gore sonobolomo e lengwa jang. Dibui ka go farologana kwa meletlong ya boipuso di ne di galaletsa Batswana ka gobo ba tshela ka kagiso go sena dikgoberego dipe. Mme Botty Ranthoakgale mogolwane go tswa mo lephateng la CTO mo lekalaneng la batlhatlhobi ba dikoloi o ne a iteela kobo moroko mafoko a Rre Morwe ka go rotloetsa le go kopa baeteledipele mo maphateng a puso aa farologanyeng go tlhatlhoba dibukana tsa dikoloi tse di diisiwang ke bakgweetsi ka nako tsotlhe ka seo se ka fokotsa go dirisiwa botlhwatswa ga dikoloi tsa puso le go tlhoka go tsamaya mesepele e ba sa e laolelwang. E rile banni ba Bonwapitse ba tswa la bone ba kopa mmuso go potlakela go agela baithuti ba sekole sa Kalamare Junior Secondary School matlo a boroko gore bana ba bone ba emise go latela dithuto kwa Tswapong Borwa e bile ba kopa gore tsela e e tshwaraganyang motse wa bone le metse ya Mmutlane le Shoshong e dirwe jaaka ba solofeditswe. A re mo difomong tsa ikopelo madi a banana, go na le fa go batlwang gore ke efe kgwebo e o e itseng kana kitso e o nang le yone ya kgwebo, mme bontsi bo supega fa bo sa kgone go bona dithuso ntateng ya seo. A re bokopano joo gape bo fa dikomiti tsa kereke ka go farologana sebaka sa go buisana ka dilo tse di farologaneng jaaka go thusana ka maele a go kgobokanya madi go dira ditlhabololo tsa kereke eo. O gakolotse Kgosi Saki gore kgosi ke kgosi ka batho mme a itlama go mo ema nokeng mo tirong ya gagwe. O tladitse dimpho tseo ka dikobo di le masome a mabedi le mephuthelwana ya dijo. O supile fa e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe gore a nne le seabe sa go lwela lefatshe ka go tlogela nnotagi gore e nne lefatshe le le nang le serite. A re jaaka ngwana, mokgatlho o tshwana le BMD o tshwanetse go itsamaisa, o tsene mo dikgwetlhong, o rupe, a re seo se diragaletse makgotla otlhe a sepolotiki a kganetso jaaka BNF. O tlhalositse fa puso e tshwentswe ke maduo a thuto a a kwa tlase kwa dikoleng mme e ikaelela go fa lephata la thuto madi a mantsi le gone go tsenyetsa dikole tsa dikgaolo ditlamelo tse di bonwang kwa ditoropong. O ne asupa gore ke nako ya gore go kabakanngwe itsholelo ka ngwao ka mo nakong eno bajanala ba batla go ithuta ka ngwao ya mafatshe a ba a etelang. A re mapodisi a le nosi ga a kake a kgona bogodu ja leruo go sena tshwaragano le sechaba le bana le seabe ba makalana a mangwe. Morago ga go tlogela tiro ka bogodi ka ngwaga wa 2013, o ne a bona go tshwanela gore a itshwarele ka diatla tsa gagwe. O ne a ba rotloetsa gobusetsa matlakala mo tirisong ka go dira dithoto ka seo se batho ba ka itshetsangka go di rekisa le go fokotsa ditshenyegelo a tlatsa ka gore le ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana letlhoko la dikoloi tse di baakanyang mafuti amatlakala le letlhoko la matlwana a boitiketso mo mafelong mangwe,meepo ya OLDMe itlhomile kwa pele ka go ikgolaganya le setshaba sa kgaolo ya Boteti mophepafatsong tikologo. Dr Venson-Moitoi o boletse mafoko ao mo diphuthegong tsa kgotla kwa Mogome le Madiaela bosheng, a re e ne ya re morago ga gore moetelediple wa nako eno, Dr Nkosazana Zuma, a sena go tlhalosa fa a batla go ikhutsa morago ga go direla lekgotla leo dingwaga tse nne, Botswana a supa kgatlhego, morago lekgotla la SADC la kopanela kgang eo mme la dumelana ka leina la gagwe ka a ne a supa kgatlhego. Tlhatlhobo e, e e tlwaelesegileng ka leina la VIA, e dirwa ka go tshasa vinegar mo molomong wa popelo gore sepe se se ka tswang se amilwe ke kankere se itshupe, ka jalo se se fe ba bongaka sebaka sa go tsenya molwetse mo kalafing e e maleba. Mogokgo o tlhalositse gore pele ga ngwana a simolola lenaneo le, motsadi o tshwanetse go baya monwana go supa fa a dumalana le gore ngwana a le simolole gonne tiro e ngwana a e fiwang ke morutabana e tshwanetse ya dirwa kwa lwapeng ke moithuti a thusiwa ke motsadi. Modulasetilo wa komiti ya balemi-barui ya Masoke, Rre Raobele Solomon a re ba tsere tshwetso ya go netefatsa gore ba fetola temo-thuo go nna kgwebo. Tshwaragano, lerato le tirisano mmogo ke konokono mo go ageng setshaba. E rile kgosi Tsoebebe Segotsi wa Mahalapye atswa la gagwe a lebogela ba sepodise sa Botswana go nna le mowa wa kutlwelo-botlhoko ka go thusa bao ba ba robaditsweng mo dikokelong. Mo go tsa temo thuo, Rre Kablay o boletse fa puso e tla a tswelela ka go phakisa Batswana dipeo le menontshane gammogo le go ba lemela ele maiteko a go ntsha bontsi jwa batho mo botlhoking. Moletlo wa ngwaga le ngwaga wa ngwao wa Domboshaba, o supile kgolo le tokafalo ka jaana monongwaga go ne ga nna le metseletsele ya ditiragalo pele ga letsatsi le legolo la moletlo oo. A re mo dikgannyeng tse di amanang le nnotagi tse di tlang kwa go ene go di rarabolola, bontsi ja tsone di ama banana. Ditlamelo ga di tle ka mogoro Borre ba gwetlhilwe go itlhokomela gore ba sa tsenwe ke malwetse a tlhakanelo dikobo le go emisa go imisa basetsanyana. E rile bosheng kwa kgotleng ya Tonota, Gaokgakala Sekwati wa dingwaga tse di masome mabedi le boraro a lebisiwa molato wa go tlhoka go itshwara sentle mo setshabeng. Monana wa Palapye, yo gape e leng moeteledipele wa setlhopha sa Phalana tsa Lekgarapa se se itebagantseng le bodiragatsi jwa mmino wa Setswana, Rre Leungo Bosele o buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re go le gantsi o bona makhanselara fela mo diphuthegong tse di biditsweng ke matona a puso. Mme Leburu o tlhalositse fa mo medirong jaaka manyalo, a phutha matlhare a cabbage mme a o segelele a bo a omisa gore a kgone go o apaya mo nakong e e tlang. Rre Caiphas o rotloeditse batsadi go gagamaletsa bana ba bone molao ba santse ba le dingwaga tse di kwa tlase. O supile fa tiro e, ba e tshwaraganetse le baithaopi ba sepodisi. Kgang ya bogosi ga e buiwe e rabutswa-rabutswa fela. A re dibetso di farologane mme di akaretsa thoromo ya lefatshe, go thunya ga lekgwa-molelo, difefo le diemo tse dingwe tsa tikologo. O boletse fa kopo e, e ne ya atlega gore leobo le agwe ka madi a ditlhabololo tsa dikgaolo. A re bolwetse bo itshupa ka dikai tsa mhikela, mogote oo kwa godimo, go gotlhola, go hema ka thata, letsapa lele feteletseng le go opa ga tlhogo. Mme Diane o ne a gwetlha babereki ka ene go tswelela ka mowa oo, ba leka go diragatsa maikemisetso a lephata, go netefatsa gore ba tsaya maemo a ntlha mo ngwageng o o tlang. O boletse fa lephata la thuto le abetswe serwe sa 25 per cent mo kgaoganyong madi a setshaba, a re se, se supa fa puso e itlamile go tokafatsa boleng jwa thuto. Mafoko a ga Mme Cassim a iteetswe kobo moroko ke mokhanselara Slumber Mokgosi, yo le ene a geteletseng ntlha ya go gakolola boemedi jwa sepolitiki go itse fa kemedi mo tirong ya bone e tsamaelana le boikarabelo. Independent Assemblies e thusa setshaba Ba ne gape ba re kgokgontsho ya bana kwa malapeng le mo sekoleng le yone e ka nna le seabe mo go digeleng seemo sa maduo kwa tlase, segolo jang ba remeletse mo goreng batsadi bangwe ga ba tsee boikarabelo jwa go bona gore a ngwana o ya sekoleng a jele le yone paka ya sekole e le mo seemong se se siameng. Mopalamente o gwetlhile dikgosi le baruti go thusa go busetsa banana mo sethong. O ne a tlhalosetsa setshaba ka melawana e mesha ya makgotla a kabo ditsha le dikgwetlho tse lephata la gagwe le lebaneng natso. O tlhalositse gore go tlhoka go itse puo ya diatla go dira gore ba-tlhoka kutlo ba palelwe ke go ikuela fa ba na le mathata mme seemo seo se dire gore ba tsenwe ke boitlhobogo. Bagwebi ba tonki le bone ba kaile matshwenyego a bone ka jaana dikgwebo tsa bone ditswetswe. Kgosi Radipitse a re tiragalo eo e diragetse morago ga gore bobedi joo bo tlhoke kutlwisisano. Ene le bangwe ka ene ba ne ba tlhalosa ka fa lenaneo leo le yang go bereka ka teng. Fela Rre Kgatlhang a re dibatana le bogodu di kgoreletsa go ata ga leruo la gagwe. A re o solofetsa balatedi le barati ba mmino wa sekeresete gore ngwaga o o latelang o tla dira go tlala ka diatla. Rre Tiisetso Masasa wa Partners Maintenance o supile fa lorato le mowa wa kutlwelobotlhoko e le tsone tse di ba gwetlhileng go thusa boora Makgolwane. O galaleditse Tautona Masisi le Mme Neo Masisi a re maiteko a go ba lekola ke sekao sa gore o a ba kgathalela. O tlhalositse fa ngaka le baoki ba pelegiso ba imelwa ke tiro ka balebagane le metse e le supa e e mo tikologong ya Lecheng, ka jalo a re, ba tlhoka go okediwa. Mokhanselara wa Senonnori/Boro, Rre Kenson Kgage, o supile fa baikopedi ba feta diketekete ba letile go abelwa ditsha mme a kopa ba kabo ditsha go fa khansele pego e e tletseng ya gore mo diketeng tseo ba abetse ba le kae ka ngwaga mang. Rre Motoma a re go lemoga gore toro ya bone e diragetse, ba tlaa simolola go bona dingwe tsa dipharologanyo jaaka go bona ba-na-le-bogole ka bontsi ba tshela botshelo jo bo eletsegang. A re ba ne ba roma lekoko go ya go ikuela kwa pusong ka jaana ba sena lefatshe la mahudiso le masimo ka lebaka la dipolasi tseo. Moruti Baumake a re bontsi jwa ditiragalo tseo, tse di akaretsang kgokgontsho, petelelo le go bolaya go utlwala fa di bakwa ke banna. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, modiri wa lekalana la merero ya dikgang tsa bong, Mme Gorata Nthabi o supile fa kgokgontsho ya bong e le mokgwa mongwe le mongwe wa kgokgontsho mo go rre kana mme, ka mabaka a bong jwa bone. Kgosi Hube o kuela ba Mahatlhe Motlhala wa nyeletso lehuma o a bonala O boletse gape fa kokelwana ya bone e tla godisiwe fa madi a bonala. Mogolwane go tswa kwa lephateng la temo-thuo Rre Bapsy Jibichibi o kopile setshaba go tswa mo dikakanyong tsa gore temo ke ya ba ba tlogetseng tiro ntateng ya bogodi. Tona Masisi o ne a tlhalosa gore mogopolo wa go direla setshaba o dule ka Tautona, a sena go bona fa mowa wa go agisanya mo setshabeng o wela tlase. Banni ba motse wa Shoshong segolo jang ba dikgotla tsa Bokaa le Phaleng ba ntse ba sa utlisisanye sentle le ba kgotla yoora Kgamane morago ga gore motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato Kgosi Sediegeng Kgamane a neele Rre Felix Kgamane bogosi jwa Shoshong jo bo neng bo ntse bo tshwerwe ke Kgosi Sejakgomo Ntsaga yo a neng a tlhomiwa morago ga loso lwa ga Kgosi Lebelwane Mosinyi. Rre Daki o supile fa ba tshwentswe ke seemo sa boimana jwa banana se se golelang kwa pele mme go supa fa ba sa itshireletse mo mogareng. Banni ba supa fa lefatshe la bone le tlaa ba tswa diatleng mme ba felele ba nna batshabi mo mafatsheng a a mabapi. Rre Kenny Kapinga wa Okavango ene o ne a gwetlha maloko a diphathi tseo gore ba itse gore se ba se lwelang ga se mothofo. 09. Se, se builwe ke mothusa molaodi wa Kanye Administrative Authority, Mme Keamogetse Segokgo mo Potsolosong bosheng. O tlhalositse gore kgwebo ya matlalo e na le sebaka sa go ka gola ka e ise e tume thata jaaka dikgwebo tse dingwe. O supile fa majwe a bone a rekwa ka dikanti tsa dilithara tse di masome a mabedi e bile a rekwa go ya ka boleng jwa one. Baithuti ba kgothadiwa go nna tlhaga Le fa go ntse jalo, Rre Keareng a re ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya metsi, letlhoko la didiriswa tsa kago mo kgaolong mo ba felelang ba di latela bokgakala kwa Gaborone. A re o lemogile fa Batswana ba sena kitso ka ditlhwatlhwa tse BMC e rekang dikgomo mo go bone ka yone. Pharithi o kopa puso go gagamatsa dikotlhao Tona Molefhi o buile jalo mo phuthegong tsa kgotla kwa Mmakgori le Tshidilamolomo mo kgaolong ya Borolong bosheng. Modulasetilo wa khamphani eo, o solofeditse banni ba motse oo fa World Group of Companies e tlaa ba agela kokelwana. A re lephata le dirisa tsamaiso ya molao e e sa ba letleng go fetola ka gope dikotlhao tsa makgotla a ditsheko. Le fa go ntse jalo, Rre Ntheetsang o gwetlhile balemi go tshwaragana le ba temo-thuo fa ba batla go lwantsha diji, a re fa ba lemoga setshidinyana kwa masimo ba lekodise balemisi gore ba tle ba ba thuse go ise go nne le tshenyo e ntsi. A re letsatsi le letsatsi go begwa fa borre bangwe ba thubeditse bana ba bannye, fa go gongwe ba thubeditse basadibagolo ba ba senang boitiro kana thata ya go iphemela. A re go tsaya lebaka go duela mong wa leruo mme seo se tsala tlhoka kutlwisisano fagare ga bone, a tlatsa ka gore seo gape se ba rontsha ditshwanelo tsa bone ka ba felela ba sa kgone go thusega go itlhotlhora lehuma. Sepatela sa Palapye se butse kokelwana ya itlhatlhobelo kankere go thusa bomme go dupa kankere ya molomo wa popelo ka nako. Obamelang melao - Batshu Rre Khani a re mo kitsong ya bone ba ne ba tsaya gore ke monna le mosadi ka ba ne ba ntshitse magadi ba nna mmogo ka kagiso, mme a leboga ba Re a Nyalana ka thotloetso le thuto ya bone. A re gape ba tlaa simolola go tshela mmogo ka phuthologo ba sa tshogela dikgotlhang tsa boswa tse gantsi di nnang teng fa yo mongwe a tlhokafala mme ba ne ba sa nyalana. Ba kopile gore ba-na-le boswafe ba fiwe ditlolo le digalase tsa matlho tse di nang le boleng. Mopalamente Ngaka o ne a gwetlha banni bao go tsoma methale e mesha ya itshetso. O kgothaditse ba ba nwang diritibatsi go di nwa ka fa tshwanelong, mme ba emise go nwa bojalwa le gore ba dirise dikhondomo ka nako ya tlhakanelo dikobo gore ba seka ba fetisetsa mogare kwa bakapelong ba bone. Mongwe wa bagodi, yo ebileng ele kgosi, Kgosi Molelwa, o supile fa baoki ba na le lerato. A re ka madi a a filweng ke ba ofisi ya banana, o kgonne go reka didirisiwa tsotlhe tse a di tlhokang mme tse dingwe di tshwana le go gokela motlakase mo madirelong o di dirile ka lemme le le tswang mo pateng ya gagwe. O boletse gore e rile kwa tshimologong bontsi jwa batho ba bo ba sa le etele mo go nametsang mme mo nakong eno bontsi jwa batho ba le etela ka bontsi go ithuta le go bona didirisiwa tsa ngwao. Monana yo, yo o dingwaga di masome mararo, a re o tsere tshwetso e a se na go lemoga fa a na le botsipa le lorato lo lontsi mo go direng ka matlalo ka e bile a ithutile go a suga. Rre Lelatisitswe a re go botlhokwa gore ba tshwaraganele tiro e ka e le bone ba itseng matlhoki a bone. O rile tsela eo ya Goshwe go hirilwe boradikonteraka ba le babedi go e shafatsa le go dira metshelakgabo e tiro ya teng e tlaa lopang didikadike di le tharo tsa dipula. A re pele ntlo e e agwiwa, botshelo mo lwapeng la gagwe bo ne bo le bokete ka jaana o ne a tlhatlhagana fela le bana golo go le gongwe. O tlhalositse fa kgwele ya dinao e le motshameko o o agang motho gape o thusa ba le bantsi ka go itshidila gore botsogo jwa bone e felele e le jo bo siameng. Are paakanyo e nngwe ya molao kakanyetso e tlaa nna e e letlelelang Batswana ba ba boneng boagedi jwa sennela ruri kwa mafatsheng a mangwe ka ntlha ya tiro kgotsa nyalo, go tswelela ba tshegeditse boagedi jwa bone jwa Botswana. A re o ageletse tshimo ya gagwe ka thuso ya go teratelela masimo. E rile a amogela morafe o o neng o tsile ka bontsi kwa kgotleng ya Sefhophe Kgosi Segwabe Diloro wa Sefhophe a supa fa go sale go itshupile ka nako e nne molelo wa kgolagano o raletse lefatshe, gore boipuso jwa monongwaga e tsile go nna jo bo pharologano ka mmino, moopelo, kapari le tse dingwe. E rile a bua kwa tsosolosong semmuso ya setlhopha se se rutuntshang ka botlhokwa jwa diteemane gammogo le go di sireletsa sa Diamond Control and Awareness Team (DCAT) bosheng, Rre Milton a kopa batsayakarolo go sireletsa diteemane ka botswapelo gore di tswelele di tlhabolola lefatshe la Botswana jaaka di ntse di dira mo dingwageng tse di fetileng. A re puso e dira maiteko a gore pampiri e ya setshaba e fitlhelele botlhe, selo se a reng ga se diragale ntateng ya mokgwa o o dirwang ke bangwe. Tumelo o supile fa bana bangwe ba sa tsene sekolo sentle mme ba feta fa sekolong pa pagame ditonki go ipontsha le go ikgantshetsa barutabana. Eloyi e itumelela kagiso le thokgamo A re ba ba amilweng thata ke go ima mo ke baithuti ba ba tswang Dibete. Mme Lucas o supile fa maitlamo a lephata e le go bona ba-na-le bogole ba na le dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone, ka se se ka fokotsa dipalo tsa batho ba ba thusiwang ke puso. O boletse gore fa banana ka bontsi ba ka nna le mowa o o tshwanang le o, lefatshe leno le tlaa tsoga le na le baeteledipele ba ba tiileng. O ne a re mo bogompienong ba santse ba duela ba ba isitseng dikgomo tsa bone ka Motsheganong. Seemo sa metsi gase itumedise makhanselara O boletse fa bana le bone ba amiwa thata ke kgokgontsho. One a leboga le batsadi ba banana gore bane ba tshwaraganetse tiro le bone a bowa aba gwetlha go tswelela ba thusa bana ba bone go ikgapga mogo tsa borukutlhi. A re mo malatsing a leruo le tsewa fela mo masakeng mme a tlhalosa fa maikaelelo e le go upa gore go seka ga tlhola go utlwala dikgang tsa bogodu ja leruo. O boletse fa dipatlisiso di supile fa kanamo ya mogare wa HIV e santse e itshupa e gola mo lefatsheng leno ka bophara go akarediwa le yone kgaolo e ya Letlhakeng e ka tlwaelo e nang le dipalo tse di kwa tlase tsa go anama ga mogare. A re bana ba sekole sa gagwe ba dule mo taolong gotlhelele ka ba dira ditiro tse di duleng mo tseleng ebile ba supa fa ba sa tlhwaafalela dithuto tsa bone. Tona o buile se mo loetong la go lekola dikgwebo tsa ba ba thusitsweng ka lenaneo la bong kwa Letlhakane ka Labotlhano. Mme Jansen a re go lemoga fa batho ba rata kgwebo ya gagwe ya ditlhare tsa maungo, meriti le tse di kgabisang, o ne a tsenya marapo dinameng ka go lema di le dintsi tse di ka kgonang go mo tsenyetsa letseno le le botoka. Kgosi o ne gape a tlhalosa fa molao wa leruo le le sailang mo mebileng o setse o le mo tirisong ka jalo a gakolola morafe go le ntsha mo motseng e sere gongwe ba lela sa khuranyo ya meno. A re boipuso jo, bo tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng; Tshaba e e Bopaganeng e bile e Itumela. Modulasetilo wa lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Molepolole, Rre Edson Phuthe o boletse fa le tshwentswe ke batho ba ba sa dueleleng ditsha tsa bone tsa kgwebo. Mme Moloi o kgothaditse banana ka ene go batla seo ba se ratang mo botshelong go dira madi ka sone. A re ba lemoga maiteko a kgosikgolo ya bone mo go bueleleng lefatshe le matlotlo a bone mme jaanong a re o lemoga gore o tlhoka bathusi. O ne a wetsa ka gore kereke e thusa thata mo go gakololengpuso e bile puso e tlhamile lekoko la tumedi le le gakololang puso gangwe legape le go tokafatsa puso ya batho ka batho ka e se motlhofo go nna teng e leka lebaka la maitlamo a puso le kereke mme seo se tokafatse botshelo. O ne supa fa ba setse ba itemogetse fa bangwe ba ba abelwang matlo ba felela ba sa kgone go nna sentle mo go one ka ba kgobiwa ka dipuo ke ba ba tshelang le bone mo metseng ya bone. Ka jalo, o dumela gore fa kopo ya gagwe e ka atlega, kgwebo ya gagwe e tlaa tsamaya ka thelelo, gape a kgone le go thapa mothusi, ka tiro e kgona go nna ntsi mme e mo palele ka a sena mothusi ntateng ya tlhaelo ya madi. Sengwe se se feletseng se tlama komiti go kopa tlosoloso, go tlhalositswe gape fa e le go lemoga fa molaetsa o ne o sa anama sentle go fitlhelela ba-na-le seabe botlhe. Supt Jorowe a re mmelaelwa o tlaa isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata kwa Hukuntsi go arabela molato oo. O tsweletse a kopa balemi go dirisa mananeo a puso a a itebagantseng le temo-thuo, go rema masimo, go a teratelela gammogo le go rata masimo a bone gore ba kgone go ntsha dijo tse dintsi. A tswelela ka go tlhalosa gore o baya madi a mangwe ko bankeng gore a dirise mo isagong fa kgwebo e ntse e atlega e gola. Rre Gareope o ne a gatelela Setswana se se reng, moroto wa o esi ga o ele ebile kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa a re go supasupana ka menwana ga go ntshe maduo ape. Tsetlana e nngwe, Mme Matenge o boletse fa e le ya thulaganyo le diphitlho e mokgatlho o e dirileng le ba ditsidifatsi ba Kagiso. Mokhansela yo o itlhophetsweng Mme Olga Ditsie o ne a kopa gore Khansele e tlhoafalele go tswa ka mananeo a a ka begwang e le ditiro go nale go bua ka lenananeo la Ipelegeng le Green Scorpion fela. O lebogile balemi go fa ba ba sa kgonang go lema dijo gore le bone ba tle ba kgone ba ore molelo wa mariga. Rre Ramosesane a re mo lenaneong la gompieno la khansele ga go na sepe se ba se filweng le ntswa nako e e fetileng ba sa thusiwa ka sepe. O boletse fa dipatlisiso di supa fa mogare wa segajaja wa HIV/AIDS o tlhagelela thata mo go bomme gona le borre, Mme Ntshwabi o boletse fa gole gantsi batho ba bomme ba ba golwane ba tsenwa ke mogare fa ba tlhokomela ban aba bone ba ba nang le mogare bas a dirise tsa itshireletso. Banni ba buile se mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mokhanselara wa kgaolo ya Mantshwabisi bosheng. A re nako e tsiel ya gore puso ka lephata la thuto ba akanye sesha gore ba ka dirang ka sekolo seo bogolo jang ka go le turu go tsamaisa sekolo mme palo ya bone e le kwa tlase. Rre Butale a re gape go botlhokwa gore batho ba dire dikgwebo tse disha tse dingwe tsa tsone e leng go ipopa ditlhopha go simolodisa dikgwebo tsa dikoporasi tse di ka thusang go tokafatsa itsholelo. Mogolwane wa botsogo le boitekanelo mo kokelong ya Athlone, Mme Tilwane Mokgatle o ne a rotloetsa borre go ititaya ka thupana, ba tsibogele go kopa ditlamelo tsa botsogo. Sekole sa Dithejwane se tshegeditse ngwao O ne a supa fa ba sena le one mogala mo kgotleng ya bone le yone koloi tota go tsamaisa ditiro tsa lekgotla. O kaile fa a ne a kua go kopa thusa mme baagisanyi ba mo tshologa mokgosi ka go leka go bolaya noga eo, mme ga retela ka e ne e lebega e le tona ebile e le borai. E ne ya re a tsibogela tse di amanang le khansele, mothusa mokwaledi wa khansele ya lerage, Rre Songa Mosweu a tlhalosa gore ditlhabololo di laolwa ke dipalo tsa batho, go bona gore ditlamelo tse di tlhokegang ke tsa selekanyo se se kae. Le fa ke ne ke le ko ntle ga matlhophelo ke ne ka bona rre wa lepodisi a bua le Rre Kaodimba mme morago Rre Kaodimba o ne a tswela kwa ntle ga sekolo a tsamaya. A re metlobo ya dibuka e fa bana dithuto tse di faphegileng, segolo jang dikgang tse di fetileng tse di supang se se diragetseng mo lefatsheng leno gammogo le lefatshe ka bophara. Kgosi Thwane o ne a rotloetsa batsadi go ikgolaganya le barutabana ba bana ba bone ka go etela kwa dikolong go itse le go lekola tiro ya bana. Fa a tswa la gagwe, Rre Moswang o supile fa a phophoma ka boitumelo a bo a tlhalosa fa a ntse a kokonelwa ke go tlhoka ntlo. HIV/AIDS e ama temo-thuo A re mo lefatsheng leno sengwe le sengwe se dirwa go setswe molao morago. O ne a rotloetsa Rre Nkgowe le bomme ba go tswelela ba tshwaragane gore matshelo a bone tokafale ka puso ya lefatshe leno e eletsa go bona batho ba yone ba tshela sentle. A re puso e ikaelela go loga maano go leka go tlhama mebereko gore Batswana ba ba sa berekeng le bone mo isagong ba kgone go oba letsogo. Makhanselara le dikgosana kwa Serowe ba kgadile bagolo bangwe ba ba romang bana ba bannye go ba rekela bojalwa le motsoko. A re monna yoo nyetseng o nale seriti sa gore bana ba dirisa sefane sa gagwe e bile o kgona go laola ba lelwapa la gagwe ka tshosologo. Mongwe wa banni ba motse, Rre Robert Kealotswe a re monna wa Setswana o tshwanetse go nna a kgabola fa kgotleng go ya go utlwa ka dikgang le ditlhabololo tsa motse, ka seo se rotloetsa therisano le kgolagano. Mme Mannathoko o ne a sa kgale mathe go leboga ba FNBB a kaya fa motse wa Struinzendam o le kgakala le ditlamelo ka jalo batsadi bangwe ba sa kgone go rekela bana ba bone kapari ya sekole ka mabaka a botlhoki. Banni ba kgotla ya Bokaa mo Mahalapye ba kopilwe go emisa go latlhela metseto e e dirisitsweng gongwe le gongwe ka go dira jalo go ka nna diphatsa mo matshelong a setshaba gammogo le mo loruong. Mmed Segokgo a re puso e ba file P5 900 go ithusa go akola boipuso, a tlatsa ka go re ba rulagantse mmabontle gore madi a teng a tlatse mo go se ba se filweng. A re leloko lengwe le lengwe le fiwa sebaka sa go ntsha matshwenyego a gagwe a botshelo mme setlhopha se mmatlela thuso. Othusitse Ketlaamoreng, yo le ene a dirang lekwalo la bosupa, o supile fa batsadi ba sa kgalemelele bana ditiro tse di sokameng jaaka go tsamaya maitiso, fa Masego Mokgaring, yoo dirang lekwalo la boraro, ene a kopile batsadi go ba ntshetsa madi aa tlhokiwang kwa sekolong. O weditse ka go gakolola batsadi go tswelela ka mowa wa tirisano mmogo le ba lephata la botsogo fa mokento o setse o abiwa, a re le ko dikolong ba tlaa isa dithuto pele ko baneng pele ga ba o simolodisa, a re poeletso ya mokento o ya go diragala gape morago ga dikgwedi tse thataro. Ke ne ke batla go bona tota gore se monna yo a se ganelelang mo matlhophelong ke eng. O tsweletse a supa gore e ne ya re a ntse a eme gaufi le kgoro ya sekolo, ke fa go goroga koloi ya modiro wa Nissan X-Trail, mme ya ema gaufi le fa a neng a le teng. O boletse fa puso e lemogile gore dipula monongwaga di ne di le boutsana, ka jalo o kopa Batswana go tshwara ka thata go dirisa mananeo. A re merwalela ya bofelo go nna teng mo kgaolong ya Okavango ke ka ngwaga wa 2010 mme kgaolo e e neng e amilwe ke merwalela eo thata ke kgaolo ya Mohembo bophirima. Ka kgang ya madi a a nyeletseng a puso, o supile fa dikgang tseo di le kwa kgotleng ya ditsheko le gone gore o tsere kgang ya ba-na-le boswafe le ya Ipelegeng mofago. Maruping go a boelwa e tsosolosa ngwao O ne a wela ka gore setshaba se tshwanetse go itumelela malatsi a a boitapoloso ka boikarabelo e bile ba sa gasegase matlakala. E re jaaka go setse ngwaga le sephatlo go goroga kwa ngwageng wa 2016, Batswana ba tshwere ka natla go dira gore matshego a tebelopele ya setshaba a fetoge boammaaruri. O tlhalositse gore fa ele ditsela tse di yang masimo tsone e setse e le kwa go latlhelwang matlakala gone, a tlatsa banni ga ba latlhele matlakala kwa a tshwaneng. Lephata la meepo, kgothetso le metsi le ntshitse pego ka thoromo ya lefatshe e e diragetseng kgwedi eno e tlhola ga tlhano. A re ke ka moo ba neng ba tsaya tshwetso ya gore ba bitse bogogi jwa motse le ba ba nang le seabe mo setshabeng gore ba kopanele kgang eo. A re se se tlaa dira gore matlakala otlhe a a tswang mo kokelwaneng, e bong didirisiwa tsa mo teng kana sepe fela se tswele kwa ntle ga kokelwana ka di ka nna borai mo bathong. O boletse gore nako tse dingwe bana ba a bo ba na le matlhoko mangwe ba bo ba felela ba ineela borre ba bagolwane ba ba bonang ba ka ba thusa ka tse ba di tlhokang. E rile fa a amogela batho, Kgosi Gonkgang Mankgatau wa Rakops a re Tautona o segile tema ka lenaneo le la gagwe la go agela ba ba tlhokileng lesego matlo, a bo a ntsha banalebogole ko mahuri ka a ne a lemoga gore ba tlhoka thuso. Se se tla morago ga gore kgosi wa Tewane, Mme Keorapetse Kalanke le mokhanselara Mme Julia Miranda ba nne le diphapaang tebang le dikgang tsa motse oo. Le fa go nste jalo, mokhanselara Nthokgo o ne a leboga botlhe ba ba ne ba rulaganya merapelo eo mme o ne a ba rotloetsa go tswelela ba dira jalo. Se, se boletswe ke mogolwane wa mapodise a Ramotswa, Senior Superintendent Sarah Gabathusi, mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng. A re go ne go tshasiwa matute a sethare se se bidiwang bogoma mo dithitong tseo le fa go robegileng teng, gore dithito di ngaparele. A re tiro eo ke tiro e tonaka e bile e ne e dirwa ka boithaopo mme go sa batliwe sepe mo banning. Mme Ramatu o rile go le gantsi dikotsi tsa tsela di bakiwa ke go tlhoka go obamela matshwao a tsela ga bakgweetsi, go kgweetsa ka lobelo le le feteletseng, go kgweetsa batho ba sena ditlankana, go dirisa dikoloi tse di sa itekanelang, go fudisetsa loruo mo ditseleng tse di ageletsweng le go iphitisa dino. Kgosi ya Maubelo kwa Kgalagadi, Kgosi Setlhare Lorekang, o galeditse tautona wa lefatshe leno ka kago ya ofisi ya kgotla ya motse wa gagwe morago ga go tsaya lebaka di ise di agiwe. Mme Lorekang o buile se bosheng mo phuthegong ya batsadi le barutabana e maikaelelo a yone e neng e le go tla go buisana ka maduo a sekole seo a mephato yotlhe, dikgwetlho tse barutabana ba kopanang le tsone mabapi le baithuti go tlhophiwa ga komiti e ntsha le tse dingwe. Source:Author:Location:Date:more news »Main LinksNetworksSocial NetworkUseful LinksServicesContacts O tlhalositse fa boitseme e le jone bo bolayang banana ka bontsi mme a kopa banana go ya go ithutela ditiro tsa diatla jaaka go lema merogo gore ba tle ba kgone go itlhamela ditiro le go tlhamela ba bangwe mebereko. Rre Malikongwa o buile seo kwa bokopanong jwa botlhano jwa dikomiti tsa tokafatso maduo tsa bokone (Work Improvement Teams) (WITS) jo bo neng bo tshwaretswe kwa Maun ka bosheng. O supile gape fa seabe sa dikgosi le dikomiti tsa VDC di le botlhokwa thata mo go tshwaraganeng le bone gore ba fitlhelela maitlamo a bone. E re le ntswa a ne a lekodisiwa ka dipalo tse di masome a supa le borobongwe tsa bao dikopo tsa bone di atlegileng, o sa ntse a dumela fa thulaganyo eo mo kgaolong ya Kweneng ele bonya. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa mapodise a District No. A tlatsa ka go kgothatsa ba mmino wa Polka go tsetsepela le go ipelafatsa le go godisa mmino wa polka oo tumileng mo kgaolong ya kgalagadi ka o setse o na le tatedi e ntsi fa go tshwantshwangwa le mo dingwageng tse di fetileng. Mme Mosala o akgotse ba lekgotla la mabelo ka boithaopo jwa bone, a tlatsa ka go re ka ntata ya thuso ya bone go tlaa ntshiwa diteemane tsa mabelo. O ne gape a tlhalosa fa ba ise ba amogele dikgang dipe kwa ofising ya bone, tsa motho wa rre yo o ka tswang a timetse. Superintendent Badisang o tsweletse ka go tlhalosa fa mapodisi a begetswe tiragalo eo ke batho bangwe ba ba fitlhetseng serepa sa mosadi yoo se kgophaletse mo tseleng. Go tlhalosiwa fa botshelo bo fetogile kwa motseng wa Khekhenye, fa puso e sena go kgobokanyetsa banni ba koo kwa motseng wa Khekhenye ka ngwaga wa 1991, ba go tlhalosiwang ba ne ba nna mo dithoteng tse di farologanyeng. Baithuti ba ba buseditsweng mo sekoleng go boelela mophato wa botlhano ba lebogile lephata la thuto le tlhabololo dikitso go bo le bone go le mosola go ba busetsa sekoleng go tsweledisa dithuto tsa bone. Mo go tse dingwe, a re kgotlhang fa gare ga batho le diphologolo e santse e le teng mo kgaolong eo ka ditlou e le tsone di dirang tshenyo e ntsi mo dithotong tsa balemi-barui. A re go a tshwenya gore fa mauduo a tswa a sa itumedise batsadi ba bo ba supa mogokgo ka menwana ba sa lebe seabe sa bone. O tsweletse a bolela fa ba tla a tsamaya mo kgaolong go bolelela ba ba neng ba mo setse morago go tshwaragana le maloko a mangwe go tlhopha Rre Majaha, a tlatsa ka gore batlhophi bao ga se ba ga ope ke ba phathi ya Domkrag ka jalo ba tshwanetse go thusana le yo o tlhophilweng go fenya kgaolo. Rre Mogolo o gwetlhile balemi go tsena ditshupo tsa temo le leruo a tlatsa ka gore ditshupo tseo di neela molemi sebaka sa go abelana maele a tokafatso temo ya gagwe le balemi ba bangwe. O ne a tswelela gape ka go kaela balemi go kopa bogakolodi mo go tsa temo pele ga ba ya go reka ditshefi dingwe tse ba eletsang go di dirisa. O boletse jalo fa a ne a rolela banni go dirwa ga tsela ya Phitshane Molopo/Mabule e e sa bolong go solofetswa gore e tla dirwa kgwedi ya Sedimonthole e ya fifing monongwaga. O ne a mo kaya fa e le kgosi e neng e le tlhaga, a le pelotelele mo tirong ya gagwe mme a re o lebela Kgosi Magapatona jaaka mogolowe ka a mo rutile tiro ya bogosi. Ba boletse fa go ngomola pelo gore bana ba bo inaakantse le go nwa majalwa, go goga motsoko le go tlhakanela dikobo ba santse ba le bannye. Mme Garethata yo a nang le dingwaga di le borobabedi a inaakantse le kgwebo ya temo ya dijo tsa Setswana, a re dipoelo tsa temo ke tse di ka tshetsang Batswana a supa fa ngwaga le ngwaga a dira madi aa fetang P60 000 morago ga go rekisa se a se robileng mo tshimong ya gagwe. ESP e tlaa tlhamela Batswana ditiro Magosi le ene o ne a lebogela dithuso tse puso e tsweletseng ka go di fa Batswana. Assistant Superintendent Ernest Sesinyi a re mapodisi a tlaa bo a le malala-a-laotswe mo ditseleng go tlhomamisa gore setshaba se sireletsegile a gatelela gore ba ba tsayang loeto lo lo leele ba tsamaeye ba tla ba itapolosa mo tseleng. Fa a ama dikgang tse dingwe, Rre Butale o kaile fa baithuti bangwe ba supa maitshwaro a e seng one mo sekoleng, a tlatsa ka gore e ne ya re bosheng moithuti mongwe a golafatsa morutabana ka go mo itaya mo tlhogong ka setena fa morutabana a ne a leka go mo kgalemela gore a dirisane sentle le baithuti ka ene ka nako ya dijo. Ba Tati Siding ba lebogela pula Rre Van Der Westruihuizen yo e ebileng gape e le mopalamente wa kgaolo ya kgalagadi o ne a supaa mo maetong a gagwe a go lekola dikgotla diofisi tsa kgotla ka bontsi mo lefatsheng dikago tsa tsone di se mo seemong se se siameng a kaya fa tse di gaufi le toropo ya Gaborone le di sa kgatlise. A re banana ba na le go akanya gore ditoro tsa bone di phirimile tsa go ipona ba ile dikoleng tsa ithutelo ditiro morago ga go sa direng sentle kwa mophatong wa botlhano le boraro mme a supa fa ba itlamile go netefatsa gore ba a ba thusa gore ba felele ba atlegile mo botshelong. A re fa e le ba ba thusiwang ke lephata la boipelego ba ka ikopela ka seelo sa masome a mararo le bongwe. A re maikaelelo ke go rutuntsha bao ba ba setseng pele ga ngwaga one wa madi o wela. O ngongoregetse go tlhoka go tsena diphuthego tsa sekole ke batsadi ntswa ba tshwanetse go tshwaraganela bana. A re fa baratani bangwe le bangwe gammogo le banyalani bane ba ka nna le seabe sa go tlhokomela bana ba bone, madi a dirisiwang ke lephata la boipelego go tlhokomela bana ba masiela ane a ka dirisiwa mo ditirong tse dingwe tsa ditlhabololo. Mme Kesekang o tlhalositse fa a ne a seka a ipona tsapa go ikgolaganya le ba lephata la banana go kopa dithuso le go tsaya bogakolodi ka lenaneo le. Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi, mothusa mogokgo wa sekole seo Mme Binny Tapedzisa o ne a supa fa ba ne ba lemoga bana le barutabana ba ba dirileng ka bokgabane. O tsweletse a re bomme ba ba mo kalafing ba masome a marataro le borataro mo lekgolong fa borre bone ba le masome a mararo le boraro mme a re seo se supa fa borre ba le maoto a tshupa go itlhatlhoba. Kotsi e gapile matshelo a
 bana ba le bararo O ne a eletsa e kare batho ba ka abelwa lefatshe fa go nang le ditlamelo a re seo se ka rarabolola bothata jwa bomaipaafela. Mme Motswetla o ne a supa fa a rata go dirisa pente ka go bo e dira ditshwantsho tse okareng di a tshela. A re thuto e tshwanetse go tsewa tsia ka ke yone lesedi ebile ke selotlele sa botshelo. Rre Kgosiyabone, yo o eteletseng pele mokgatlho wa Genesis 21, a patilwe ke setlhopha sa gagwe ba mo mogwantong wa dikhilomithara tse 1 600 go tswa Shakawe go tla Gaborone ka maikaelelo a go gasa molaetsa o o kgalemang dipolao tsa bomme tse di dirwang ke bakapelo ba bone. A gatelela ka gore ba tsile go ga gamaletsa setoropo bao ba ba santseng ba itirile tsebe seutlwe ka go hira batho bao. Mo go tse dingwe o kopile balatedi go baya dipharologano tsa bone kwa thoko gore ba kgone go aga setlhopha se se tiileng, se emetse kgaolo ya ga Malete. A re seemo se go ne ga lemotshega fa gantsi se bakwa ke gore mme o a bo a sa bereke mme fa godimo ga moo, rre yo o mo imisitseng a bo a mo phuaganya. Mme Ntau yo o itsegeng ka leina la ‘Mma Segomotso’ o boletse gore fa a sena go tlhagola tshetlho o a e omisa mo lobakeng lwa beke mme morago a e thuge ka motshe gore e felele e le bopi. Isang Botswana pele-Batshu Mosadimogolo o supile fa a tlhokafaletswe ke monna mme a setse fela le bana ba a kaileng fa e le bone ba mo thusang. Mo moletlong oo, o neng o tsenwe ke bagodi ba kereke ya Sabata go tsweng kwa dikgaolong tsa Tutume, Francistown, Tonota, Boteti, Serowe, Phikwe, Palapye, Shoshong, Mahalapye, Bobirwa, Sefhare / Ramokgonami le kgaolo ya Lerala / Maunatlala, Mme Tshireletso one a abela Mme Kenakgang Gabalebatse P200 go bo ele ene mogodi yo a neng a fetla ba bangwe ka dingwaga mo tirong eo. Bangwe ba felela ba anwa metsi a a tswang mo nokeng mme go bee matshelo a bone mo diphatseng, ga bua Kgosi Bampusi. O ne a ba gwetlha go tshwaragana ka go nna seopo sengwe e le tsone tse di ka ba kgontshang gore letsholo leo le atlege jaaka maikaelelo a ba lone e le go tshwarwa ngwaga le ngwaga. Tuelo e kwa legodimong Rre Busang a re ga ba kake ba kgona go dira tiro e ba le nosi ka e bile ofisi ya gagwe a thusa metse e le mentsi mme ditlamelo di tlhaela. A re puso e tsere tshwetso ya gore e buisanye ka dikgang tse di tshwenyang Batswana ba le bantsi tse di amang dikgwebo tsa go rekisa bojalwa gore go ka dirwa jang gore bo nowe sentle, matshelo a batho le dithoto di babalesegile. A re mo dinakong tse di fetileng, banni ba metse e e kgakala le ditlamelo ba ne ba tshelela mo seemong se se ngomolang pelo mme seo se tokafetse. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Mmatshitswane, Rre Watshipi Ranka o tlhalositse fa ba tsweletse ka tiro ya ditena mme kgwetlho e le koloi. A re erile a le monnye o ne a raya raagwe a re e tlaa re fa a gola o tsile go tshwana le ene mme rragwe a mo rotloetsa go simololela ruri a sa le monnye ka gotwe ntsanyana ya maiteela sebatana e bonwa mabotobotong. Rre Molebatsi o buile jaana fa a buisa banni ba Matebeleng mo phuthegong ya kgotla bosheng. Mme Toto a re nngwe ya dikgwetlho tse a kopanang natso ke ya letlhoko la dipalamo go isetsa bareki ba gagwe dithunya ba ba nnang ko mafelong a a kgakala le fa a rekisetsang teng. Rre Taukobong a re fa mong wa setsha a tlhokafetse ba begelwe gore ba baakanye mekwalo. Fa a buisa diphuthego tsa kgotla mo kgaolong ya gagwe bosheng, Dr Venson-Moitoi o boletse gore dikgang tsa thubetso kgotsa go itseela dikobo ka dikgoka mo baneng le bagodi di kwa godimo. A re mo ngwageng o o fetileng ba ne ba tsere maemo a boraro mo dikgaisanyong tsa go supa kapari mo kgaolong ya Francistown, mme dikatso tsa dikgaisano tseo tsa ba thusa ka ba ne ba kgona go reka didirisiwa tse di neng di tlhaela. A re ntswa puso e thamile mananeo a a farologanyeng go lebega bontsi bo atile la thuo ya dikgomo le dihutsane,mme ka jalo a ba gwetlha go batla metlhale e mengwe gore ba seka ba lwela mmaraka ba le bantsi. Mokhanselara Sebutlenyane o lebogetse thata maiteko a tsweletseng a go tokafatsa seemo sa dikago tsa sekole se segolwane sa Lempu kwa Salajwe, se e rileng bosheng sa tlhaselwa ke bolwetse jwa go tekesela. Mogokgo o kaile fa bana ba sekole ba ba dirang sentle ba felela ba tswelela sentle le botshelo, mme seo se fokotse dipalo tsa dirukutlhi tse di sa robatseng botsadi le mapodisi. Ralekgotla wa kgotla yoora Ntwayagae mo Kanye Rre Pulafela Ntwayagae o gateletse gore bana ba kgalemelwe ka ke bone baeteledipele ba kamoso. Re na le letshwenyego la bagolo ba e leng gore ba dirisa banana go tsaya madi, ka gantsi e le bone ba etelelang banana pele mo ikopelong ya madi, a supa. Gape o lebogetse thotloetso e a e fiwang ke ba ofisi ya ga molaodi, a re ba mo fa dikgakololo ga mmogo le go lekola kgwebo ya gagwe gangwe le gape. O boletse fa banni ba motse oo ba ngongoregela gore go setse go tsere lobaka ba sena kgosi, mme e bile jaanong ba batla go itlhophela kgosi e e leng ya bone. E ne ya re morago ga sebaka sa dingwaga tse tlhano re setse re kgobokantse ra laela kwa madirelong a Bush Tea jaanong re batla go ya go itshimolela kgwebo e e leng ya rona ga tlhalosa Mme Mosinyi. Kgosi Bimbo a re bogadi bo a farologana go tswa fela mo go reng a bo ntshediwa bana ba ba tsholetsweng kwa ntle ga nyalo kana mosadi fa a tsena mo nyalong, a supa fa gape bo farologana ka dingwao tsa merafe ka go farologana. A re go botlhokwa go supa dipoelo tsa bone tsa kgwedi le kgwedi. A re kwa tshimologong kgwebo e ne e le boutsana ka bontsi jwa batho ba ne ba sa itse sepe ka yone. Kgosi Rapula Bampusi wa kgotla ya Riverside kwa Maun a re ga a jesiwe diwelang ke ditlhabololo tse di saletseng morago mo kgotleng ya gagwe. Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi leo, mothusa molaodi Rre Bigboy Mangwa o ne tlhalosa fa e le go atametsa ditirelo gaufi le setshaba, le gone go tsosolosa dikomiti tsa metse. Mo go tse dingwe, Rre Thamane o kgadile batho ba ba dirisang bana botlhaswa jaaka banna ba ba ntshang bana basadi, le ba ba itseelang dikobo ka dikgoka mo go bone, gammogo le bomme ba ba kgokgontshang bana. O ne a ikuela mo botsading jwa motse go kgothatsa ba ba agetsweng matlo ntleng le go ba kgopisa. Mme Gabathusi a re segopa se se sa itsagaleng se, se ne sa roba mme yoo meno mme ba inaya naga. Rre Rietz, yo o dingwaga tse di masome a mane le boraro, o supile fa a sa le a tsenye mo kalafing ka ngwaga wa 2016, morago ga go fithelwa ka mogare wa HIV. Kgosi o kopile morafe go tsaya letsatsi leo ka tlhoafalo, a bo a supa fa ba tlhoka banana gore ba dire tiro e ka manontlhotlho. O ne a supa fa BTU e lebanwe ke dikgwetlho tsa go ntsha barutabana badiredi ba ba faphegileng, a re seo ke go ba tswala melomo le go ba itsa go bua ka ditshwanelo tsa bone. A re banka ya FNB e beela kwa thoko selekanyo sa 1 per cent ya dipoelo tsa yone tsa ngwaga le ngwaga go kokoanya madi ao aa thusang setshaba, a supa fa go simologa ka ngwaga wa 2001 FNBB e setse e dirisitse madi a a fetang P40 million mo ditirong tsa bopelotlhomogi. O ne a ba gakolola gore ba ntshe ka lerato le boteng jwa pelo ya bone yotlhe. Go leka go busetsa seemo mo taolong, Rre Kwape o kaile fa ba dule ka methale e akaretsa go bula mokgatlho wa tshedilo maikutlo kwa sepateleng sa Mookane mme se ba se tshwaraganetse le baithuti ba sekole sa ithutelo booki. Le fa go ntse jalo, Mme Alone o tsweletse a tlhalosa gore o leka ka bojotlhe go dira ditiro tse di farologaneng tsa Setswana jaaka go rulela matlo a bojang le go dila malwapa a batho go itshetsa. Madi a a kgobokantsweng a ya go thusa ba ba tlhokileng lesego ba bo ba feleletsa ntlo ya moruti le go agela Mogome le Madiaele leobo la fa ba ka obameleng teng. Rre Olopeng a re tiro ebadiri ba lephata la gagwe ba e dirileng e e tsereng dingwaga di le tlhano gowela ke nngwe ya ditiro tse Tautona wa lefatshe leno a di rotloetsang e bile adi gogang kwa pele. Monna wa dingwaga tse di masome a matlhano le borataro o tlhokafetse morago ga go thulwa ke koloi kwa motseng wa Makopong mo kgaolong ya kgalagadi borwa. A re fa Batswana ba ka dirisa lenaneo la ESP go simolola dikgwebo jaaka tsa dikoporase le bojanala ba ka kgona go imolola lefatshe leno mo go diriseng madi a mantsi go reka dijo le dithoto kwa mafatsheng a mangwe ka jaana le tlaa bo le kgona go phadisana le mafatshe a mangwe mo mmarakeng. Mookamemdi yo o wa banka ya Barclys wa motho mosweu ka letso o ne a fiwa dimpho le go apesiwa kobo ya magagolwane le tukwi ya setswana e le tsela nngwe ya go tlotlomatsa ngwao ya setswana. O ne a supa fa dikereke dingwe di le kgatlhanong le sepolotiki ba dumela gore ga se ka fa tsamaisong. Bangwe bagolo ba motse wa Makobo mo kgaolong-potlana ya Tonota, ba tsweletse ka go ema katlego ya seelo se nokeng le gone gore ba se salele morago tebang le go nna le lesedi la thuto ka jaana ba tsena thuto ga-e-golelwe. A re le mapodise a a itebagantseng le bogodu jwa leruo a tlaabo a tsamaya kwa merakeng ya kgaolo ya Serowe go netefatsa gore diruiwa tsa batho di sireletsegile. A re motho ga a a tshwanelwa go bereka ka go salwa morago, ka jalo mongwe le mongwe o tshwanetse a nne le maitlamo a go ntsha maduo fa a leng teng. Mokwaledi wa kaboditsha o tsweletse a lekodisa phuthego ka molao o mosha o mogo one ba ba ikabetseng lefatshe ba yang go le amogwa ka tiriso ya molao o mosha wa go gapa dithoto di akaretsa dikago tse di seng ka fa molaong. Mmamatlotlo wa kereke eo, Mme Lesego Mmese, o ne a bolela fa maikaelelo a mogwanto e ne e le go itebaganya le ditlhaelo di akaretsa kago ya ntlo ya motlhoki le go thusa kokelwana ka ditlamelo tsa balwetse ba ba okelwang kwa malwapeng, Kgosi Jack Motswakhumo wa Lentsweletau, ene o kopile puso go tsepamisa thulaganyo ya go thusa ka madi batho baba weditseng dikotlhao tsa kgolegelo go thusa go godisa dikitso tse ba di bapetseng kwa dikgolegelong ka go ka thusa go bulela bangwe ka bone diphatlha tsa mebereko. A re komiti ya bone e itemogetse gore nako dingwe bana ba kgona go timela ba tswa dikoleng mo ba felelang ba batlwa le ke mapodisi, a gatelela fa go le botlhokwa gore batsadi ba ise bana ba bone, bogolo jang ba ba saleng babotlana kwa sekoleng le go ba tsaya sekole se tswa. Mothusa tona o kgothaditse banni go iteka ka go dirisa mananeo. Ka jalo o ne a rotloetsa kereke gore e nne le dithuto seka dipuisanyo, go rotloetsa maloko go inaakanya le mananeo a a molemo a puso. A re gape o dira ka bojotlhe gore fa go na le ditshupo gope fela kwa a ka kgonang go ya go rekisa teng, a iketleetse go ya go supa le go rekisa ditlhare tsa gagwe; e le tsela ya go latela bareki kwa ba a bong ba le teng ka dipalo tse di botoka. Rre Lorato o ne supa matshwenyego a magolo mo batsading ba ba sa tseyeng karolo mo tlhokomelong le mo kgodisong ya bana ba bone. Se se builwe ke tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Dr Pelonomi Venson-Moitoi kwa phuthegong ya kgotla kwa Mokgware bosheng. A re mafatshe mangwe a tlhoka kagiso ka jalo Batswana ba seka ba tsaya motlhofo gore kagiso eo e tsile fela a bolela fa kagiso e itirelwa. A re o setse a kile a tsenelela ditshupo tsa ba lephata la tsa bong le tsa lephatla la banana, metshameko le ngwao, tse di neng tsa mo godisa ka a ne a kgona go itsege le go rekisa dithoto tsa gagwe teng. A re bana bangwe ba ba nang le bogole ba tlogelwa ba le nosi ba sena tlhokomelo, jaaka batlhokomedi ba bone ba kgarakgatshega go batla mafulo a matalana. A re thata thata borre segolo jang ba ba nang le bana ka kwa ntle ga lenyalo bone ba sokodisiwa ke bomma bana. Kgosi Kachana o tsaya setilo sa bogosi jwa motse wa Tshesebe morago ga loso lwa ga rangwanaagwe, Kgosi Kedifentse Kachana yo o tlhokafetseng ngogola morago ga go mo tshwarelela bogosi go tloga ka 2001 fa Kgosi Matsapa Kachana rraagwe kgosi wa nako eno a sena go tlhokafala ka 1999. Mme Tendani o supile fa go le gantsi batho ba tla go ikuela fela morago ga go anywa dithuto tse ba di tshwarang e ka tswa e le mo dikgotleng, dikokelwaneng kgotsa kae fela kwa setshaba se kokoanang teng. Rre Moses Thokwane, yo o tlwaelesegileng ka leina la Jabu, o dira kgwebo e e bidiwang Jabu’s Food Express. Mme Nthabi o kgadile a sa boele morago mokgwa wa baratani wa go becha(go neela mokapelo wa gago madi kana dimpho tse di turang ) mo go senang boikarabelo kana go sa tlhokafale, a tlhalosa fa o rotloetsa kgokgontsho ka o tsala dikgotlhang kana dipolaano fa botsalano jwa baratani bo setse bo fela. Se se supilwe ke katlego ya ga Rre Lucus Ditsele,molemi wa merogo mo kgotleng ya Tlhomaditlhotse kwa Mahalapye. O tlhalositse fa Artesia a le gaufi le masimo le meraka mme seo se baka gore batsadi ba seka ba itse ka dithuto tsa bana ba bone ka ba le kwa merakeng gantsi. Le nna ke ne ka boela kwa lwapeng, le fa gone ke ne ke na le pelaelo ya gore o ka nna a bowa. E rile a botswa ke lekgotla gore o raya jang fa are motho o ne a polotika, e sere gongwe ba mo utlwa ka tsa ga morakile, Rre Dikhuhang a araba ka gore, go polotika go a farologana, go mefuta mme ke belaela gore jaaka a ne a ntse a tsamaya a ema ema le batho ba ba fodileng jaana, ke belaela gore o ne a ba okela mo go tlhopheng phathi e a leng leloko la yone ya Domkrag. O tlhaloseditse lekgotla gore ke mongwe wa ba ba neng ba eme mo boemong jwa ga Rre Mogalakwe ba lebeletse ba ba dirang tse di duleng mo tseleng. Mme Mandevu a re go ne go amegile baithuti ba le masome a mararo le bobedi, a tlatsa ka go re molelo o ne wa tlhagoga baithudi ba sena go ya dithutong. Erile a ba kgwa dikgaba, mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha Rre Ellard o ne a supa fa ba ne ba tsile go lekodisa makhanselara ka se se diragalang ka ikwadiso ya ditsha. E rile a tswa la gagwe mookamela lekalana la matlo, Mme Keabetswe Ramakgwa a tlhalosa fa lenano leo le okeditse madi go tswa mo go P60 000 go ya kwa go P90 000 morago ga go lemoga fa ditlhotlhwa di palame. Fa a baya pele makhanselara pego ya lephata la gagwe, mogolwane wa lephata la tsadiso ya leruo, Rre Bueno Mokhutshwane o supile fa ba na le kgwetlho ya tiego ya dituelo tsa ba ba rekisitseng leruo mo go bakang gore baikopedi ba tseye sebaka se se leele go bona thuso. A re o tshwanetse go nna le tirisanyo mmogo mme go didimala ga go a siama. A re letlhoko la koloi mo ofising ya ga molemisi le ba ketefaletsatiro ka ba sa kgone go tsamaya le masimo go bona tswelelo pele ya balemi,ofisiya ga molemisi le yone e nnye. Mogolwane wa tsa botsogo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba Mme Matildah Tema le ene o ne a iteela legofi bobelotlhomogi jwa masole. O ne a ba kopa gose emele gore a bitse diphuthego tsa dikgotla go la ba ntsha matshwenyego. Gangwe le gape, o kopile goromente go sekegela bagodi segolo bogolo batlhoki tsebe, ka go ba fa maneneo a a maleba a ba ka itshetsang ka one. Mabapi le molao kakanyetso wa palo ya go tlhamiwa ga dikereke, banni ba dumalanye le palo ya makgolo a mabedi le masome a matlhano kgotsa go feta, ba re dikereke tseo di na le seabe mo go weleng tlase ga maduo a bana ba dikolo ka ba sa kgone go ithuta ka ntata ya dikereke tseo tse di lalang di tlhodiya bosigo jotlhe. O ne a ba gwetlha go nna ba lebile metsamao ya bana, ba batlisise gore fa ngwana a se yo mo lwapeng o a bo a le kae, a na le bomang, a dira eng. A re seemo se se a ba thatafalela ka gore le fa b aka oketsa palo ya mapodise a Morwamosu kgwetlho kgolo e ntse e ya go nna ya boroko. A re jaaka ba tsaya sekole jaana ba tlaa nna fa fatshe ba buisanya le barutabana gore ba dire ka natla ka keletso ya bone ke go bona sekole se ntsha maduo a mantle. A re ga a kitla a itlhoboga ka se a se dira ka lorato e bile a se direla go ruta a se mo kgwebong. Le fa go ntse jalo, a re tswakanyo kgwebo ke leano lengwe le le bolokileng kgwebo ya gagwe. Le fa go ntse jalo, Rre Tsheole o ne a tlhalosa mo potsolotsong gore go lebega fa dipeo tseo di tswa mo khamphaning nngwe e e ikwadiseditseng go aba dipeo. A re mangwe a matlo ao ga a rulelwa sentle ka bojang bo ntse bo sa bonale dingwaga tse tlhano tse di fetileng ka ntlha ya go tlhoka pula; ka jalo matlo ao a na kwa godimo, mme a kolobe le kwa tlase, seo se dire gore a phutlhame. E re ntswa seemo sa go diragatsa lenaneo la nyeletso lehuma mo kgaolong ya Mokwena se tshwenya, go supa fa mo Mokwena dikgebo di letse metsi, seemo se sa tokafale mo jaanong mothusa tona a ipotsang gore a ba Mokwena bone ba tlaa bo ba le fa kae fa 2017 a goroga. A re gape go ntsifala ga baroki ba ba itebagantseng thata le go dira paka ya bana ba sekole mo Sojwe go dira theko boutsana. Fa a tswelelela, Mme Matseka o ne a tlhalosetsa banni ka fa motse gape o leng leswe fela thata ka teng. O kgothaditse batsadi go tlhomamisa gore bana ba tlhokomelwa ka go tsaya ditirelo tsa kokelwana, ka jalo a kopa batsadi go supa dikarata tsa bana fa ba ba isa kokelong. Setlhogo sa letsatsi e ne e le go ‘tiisa go lwela botsogo le ditshwanelo’. Mokhanselara wa Nswazwi, Rre Norman Pitlagano le ene o supile fa a ema nokeng mogopolo wa go ntsha modulasetilo mo setilong, a re e sale a lemogile bokoa jwa gagwe bogologolo a sena go tlhongwa. O dirile jaana morago ga gore bangwe mo morafeng oo ba ise kgang kwa kgotleng ya ditsheko ba le kgatlhanong le go bewa mo setilong ga ga Kgosi Phologo. Kgosi o rotloeditse morafe wa gagwe go tsaya nyalo tsia. Mme Sefetiso Koogotsitse o supile matshwenyego a go tlhoka morero ga komiti ya ditlhabolo tsa motse oo, mo dikgannyeng tsa go thapela mananeo a tokafatso matshelo a morafe. O supile fa dintwa le dikgobatsano ga mmogo le matshosetsi a polao ba gatisitse dile thataro mongwe le mongwe Assistant Suprintendent Lorato are bogodu jotlhe jwa motlo le diphologo le jone bo ile kwa tlase fela thata, are sale ngwaga ono o simolola ga ba ise ba gatise molato ope wa bogodu jwa diphologolo le gone go tsoma ko ntle ga teseletso tota. E re le ntswa go ntse jalo, batshameki bao ba ne ba sa tlhokomelesege, se se bo se tlama mokatisi go epa mo kgetsing ya gagwe go ba rekela dijo, sengwe se Rre Magagane a kaileng se sa siama. Mo go tse dingwe, Kgosi Chikuba o ne a lela ka tshenyo ya ditlou kwa masimong. Superintendent Sitale a re rre yoo o ne a phuaganya mme yoo le koloi ya gagwe morago ga go mmetelela mme a inaya naga. Monni mongwe wa kgotla ya Lesola a re banni ba tshwenngwa ke go tlhaela ga motlakase ka ba kompone ya motlakase ba supile fa o tlhaela. O tlhalositse fa go se na tirisano mmogo mo go borakgwebo tsa nama ka ba seke ba bega dikgang tsa bogodu jwa leruo. O tlhalositse gape fa ba ruta setshaba go dirisa sekausu kana khondomo ka tsela e e siameng. Se se builwe ke Rre Tibere Tlhogo wa dingwaga tse di masome marataro le bosupa yo o tlholegang kwa Lokgwabe, jaaka a ne a tlhalosa fa go tshela ka bogole jwa go tlhoka maoto go sa mo kgoreletse mo botshelong go ka itirela ka diatla. Mogwanto o ne o tsenwe ke lekgotla la baruti, mapodisi, lekgotla la BOCAIP, MVA, le ba lekalana la ipabalelo tseleng. Kgosi Hube o kuela ba Mahatlhe Ere ntswa legato la ntlha la go thusa ka dijo, go imolola ba ba amegileng mo manokonokong a mogare wa corona le ya motsubong, banni ba Mahatlhe, kwa kgaolo potlana ya Molepolole/Ntsweletau, ba lela gore ba ise ba sekasekwe. Bontsi jwa balemi bao, mo go bone go le Rre James Kebonyekgomo, ba lela ka nngadule le sebokwana, ba tlhalosa fa di kgoreletsa maiteko a go ntsha thobo e kgatlhisang. O buile fa kgwebo e batla botswerere le bopelotelele gore e tswelele, ka a kgona go roka ditlatlana tsa gagwe masigo kgotsa makuku a naka tsa kgomo mme e bile a kgona go fetsa go loga tlatlana mo dioureng tse e seng tsa sepe. Rre Chilimba o buile seo kwa dithuto-puisanong ka go senka dikgakololo go baakanyetsa togamaano ya ditlhabololo ya boferabobedi kwa Nata ka Mosupologo. E rile aba kgwa dikgaba moeteledipele wa kompone ya Estates Construction Rre Issac Rasesia ee le yone e agang maemelo a dipalamo, a tlhalosa fa ba etse seemo tlhoko ebile batlaa se tsibogela. O tsweletse a re ba dirise diphatlha tse ba nang le tsone mo matlwaneng a bone a borutelo go dira mafelo a go balelwang mo go one kana go dirisa ofisi e e sa berekeng mo sekoleng go nna yone lefelo la motlobo wa dibuka. Seretse Khama Ian Khama ka Laboraro Ngwanaatsele a tlhola malatsi a le lesome le boraro kwa motsaneng wa bone, ba tlhalosa gore leina la Qabo ke leina la mokau o neng a tsalwa ka nako ya fa ba thibelela. E re le fa go ntse jalo o ne a re khansele e tshwanetse go tla ka ditselana tsa go ka tlosa matlakala mo toropokgolo, o ne gape a re mo mafelong a go lemilweng motlhwa le ditlhare tse di kgabisang go tswanetswe ga nna phepa ka nako tsotlhe. A re khuduga eo e ne ya dira ditirelo dingwe jaaka kabo ya ditlankana tsa bone tsa metse le masimo go nna madiadia. O tlhalositse fa dithoto jaaka megala ya matheka, dibalamakgolo e le tsone tse dilalome di itebagantseng le go di amoga batho. A re tsela eo, e tlaa fefosa mosepele wa batho ba ba berekelang ko Gaborone le gone go fokotsa mosuke mo tseleng e tona ya A10. A re o dumela gore dithuto tse ba di fang bomme di tlaa thusa gore ba ba sa kgoneng ba seka ba nna ba boelela go ima kgapetsakgapetsa. A re banni ba tshwanetse go nna le tirisano mmogo gore ba kgone go atlega mo go tse ba di dirang. O supile fa ba sa tlhalosediwe ditsetla tsotlhe ka botlalo nako e le nngwe mme se se dire gore ba boe kgapetsakgapetsa kwa diofising go kopa thuso mme se se ba kgoba marapo. Banni ba tlhalosetsa ditso tsa Qabo O tlhalositse fa maduo a ka tokafala fela fa batsadi, barutabana le boeteledipele jwa metse kana bana-le seabe botlhe ba ka tshwaragana le go nna le tirisanommogo le go tsaya karolo mo dithutong tsa bana. Rre Keitsetse o supile fa ba dira matlapa a a nang le boleng e bile a ka seke a ngongoregise moreki a tlatsa ka gore gape ditlhwatlhwa tsa bone ke tse di utlwalang. A re temana eo e ba ruta gore lefoko la Modimo le na le maatla ka jaana kwa tshimologong Modimo o ne a tlhola legodimo le lefatshe ka lefoko fela. Go bolelwa fa e ne ya re Phatwe a tlhola ga bedi, kwa Mmatema-tema ba utswa dithoto tsa P13 500 tsa ga Mme Montshwari. Go sireletsa diteemane boikarabelo jwa botlhe A re batho bao, ba neetswe go jesa dikole borotho le go di rokela paka ya sekole kwa metseng ya bone, seo ele gone go batiisa moko gore ba itshetse. Mothusa tona mo lephateng la tlhabololo temo- thuo le dijo, Rre Konstatinos Markus a re puso e sekasekile go tsweledisa dithuso tsa phokoletso ditlhwatlhwa tsa dijo tsa leruo e lebeletse leuba le le mo lefatsheng leno ka bophara. Ba re morago ga go gogela rakonteraka morago, ga gona ope yo o kileng a tla go ba lekodisa ka seemo. A re botaki ke sengwe sa tse a di beileng mo pelong ya gagwe gore o tlaa di dira botshelo jwa gagwe jotlhe gore bangwe ka ene ba rotloetsege go dira ditiro tsa diatla. Mme mo go one makgolo a matlhano a ikgapetswe ke moithuti yo o gaisitseng botlhe e bong Memory Jacobs. O gakolotse banana go ikgapha mo lenaneong la Ipelegeng ka le sa ba lebagane, a tlhalosa gore ke la morafe wa motse o o sa lebaganwang ke mananeo a banana le a mangwe. A re mo bogompienong bareki ga ba ise ba tlhaloganye sepe ka dithunya mme a kaya fa bareki ba tlhoka thuto e e tseneletseng ka dithunya. Le fa meraka e le lefelo le go ruelwang mo go lone, ba moraka wa Marulamantsi kwa motseng wa Zoroga mo kgaolong ya Tutume ba bone go le botlhokwa go tlhama setlhopha sa kgwele ya dinao e le tsela ya go itshidila maikutlo gape e le go itsa banana go tsaya karolo mo nnotaging. A re mongwe mo motseng wa Lerala o ka bo a ne a lemoga seemo sa boora Makgolwane pele se lemogwa ke baeng ba ba tsileng Lerala ka tsa tiro. Batsadi bangwe ba tlhaga mo go tshwaraganeleng tiro ya bana ba bone le barutabana ka go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana le gone go lekola dithuto tsa bana. A re ba ruta batho go ikgaratlhela ka jaana go le mo pontsheng gore sepe se motho a sokotseng go se fitlhelela o se tlhokomela botoka go na le se a se filweng fela ene a puthile matsogo a sa dire sepe. Rre Seretse, yo e bileng e le tona ya peeletso, papadi le madirelo, o kopile morafe go dira mo go tweng mosele-wa-pula o epiwa go sale gale, ka go rulaganyetsa ruri ditiro tsa go tlhabolola kgaolo eo, ka madi a P10 million a dikgaolo, ka jaana e tlaa nna selo sa ngwaga le ngwaga. Mogolwane wa tsa ngwao kwa motlobong wa ditso kwa Serowe, Rre Skobinolo Lekhutlile a re puso e rotloetsa gore bana ba fiwe nako ya go rutwa ka ngwao mo dikoleng. A re moletlo o wa Ko Chomeleng Culture Festival, o o neng o tshwaretswe kwa mabaleng a ditshupo a Selebi Phikwe ka setlhogo se se reng Ka Ngwao re ka Tsoga, o kgonne go ngoka bagwebi ba ba botlana mo toropong ya Selebi Phikwe le metse e e mabapi. Rre Molatlhegi o kopile banni ba kgaolwana ya Naledi, ba Naledi borwa, legare le bokone go tlhwaafalela thuto ya bana. Kgwebo ya gagwe e thapile monana a le mongwe. Rre Motoma a re ka jalo go a tshwanela gore kgaolo e nne le mokgatlho wa mofuta o. A re kika e tona o e rekisa ka diphoisane tsa mabele di le pedi. Kgosi Kegapetswe o ne a kopa baruti gore ba rotloetse diphuthego tsa bone go tsaya karolo mo ditiragalong le dipaakanyo tsotlhe tsa go ipelela boipuso. A re batsadi ba ga ba a tshwanela go baya fela mo barutabaneng. A re gape o ne a buisana le mongwe wa bagwebi gore a thape monana mongwe mo lelwapeng leo mme ba dumalana. O ne a rotloetsa gore fa ba sweditse go tlhama lekalana la bone la mokgatlho ba tlhophe batho ba ba ikanyegang go tlhokomela dibuka tsa madi mme le bone e le maloko ba tlhomamise gore ba tlhodumela dibuka beke le beke go bona gore a dilo di tsamaisiwa ka fa tshwanelong. Dipalo tse di kwa tlase mo metseng mengwe di kailwe e le kgwetlho e kgolo e e amang kgolo ya dikgwebo tse di direlang mo metsaneng. Rre Maele o tlhalositse fa lenaneo la Ipelegeng e le lenaneo le le sa kgethololeng mme le direletswe Motswana mongwe le mongwe. O tsweletse ka go bolela fa dipalo di supa gore bontsi jwa batho ba ba kgokgontshiwang ke bo mme. Badiri ba LEA ba supile seo kgwedi eno e tlhola letsatsi jaaka ba ne ba abela lelwapa loora Balo kwa Vukwi pompo ya metsi, tshingwana ya merogo le go tsenya terata mo lwapeng la bone, tse tsotlhe di lopileng P9 000. Kgosi o ikuetse jalo a amogela mothusa tona ya dikgaolo le tlhabololo ya magae Mme Botlogile Tshireletso mo Kanye bosheng. Mme Sekgwa a re motse wa gagwe o o ntseng o sena mapodisi o thusiwa gape ke go bewa ga mapodisi a a tlhokometseng leruo la bogodu le le sa ntseng le tshegeditswe mo motseng oo, mme o supile fa maloko a, a dira tiro ya bone bosigo le motshegare ka tshwaragano le one mapodisi a. Fa a tlhalosa ka fa dikole di agilweng ka teng ka setlhopha sa kgaolwana ya thuto, Mogokgo Esther Molelo o ne a re sekole seo se simolotse go tsaya baithuti ba ntlha ka 1989, se le mo kgaolong ya botlhatlhobi jwa dikole jwa Palapye Bokone, mo kgaolwaneng ya Palapye e e nang le dikole tse dipotlana di le masome mararo le bosupa, se wela mo kgaolwaneng ya MOKGADI. E rile a bula semmuso phuthego ya khansele-potlana ya Letlhakeng Rre Tshenyego a supa fa ba lephata la botsogo ba kanoka batho botlhe ba ba kileng ba etela kwa mafatsheng a a amilweng ke bolwetse joo, a Asia le Yuropa, jo bo setseng bo bolaile batho ba feta makgolo a matlhano. Batswana ba rotloediwa go obamela melao Ba supile fa ba sa itumelele ditshwetso tse di tsewang bogolo jang kwa makgaola kgannyeng ba supa fa baatlhodi ba sa itse sepe ka gore mmino wa Polka o binwa jang le gone gore gotwe motho o o bina sentle a bo a bina jang. Ba re selo seo se a ba tlhobaetsa, mo jaanong ba belaelang fa ba ka tswa ba bewa bobi matlhong ka tsela e ba e solofeditsweng. Mme Belemo o tlhalositse gore maikaelelo a gagwe ke go fetola matshelo a banana a dirisa mmino wa sekeresete. O ne a kopa gore batho ba nne ba itlhwatlhwaetsa go bega nako e sale teng fa ba belaela mong ka bone a ka tswa a timetse. O kaile fa seemo se sengwe se bakiwa ke go tlhoka go godisa bana sentle, ka a re fa go ka inaakanngwa le kgodiso e e maleba ya bana go ka namola setshaba mo mathateng a mantsi a a tsalwang ke go sa godisang bana sentle. A re ere ka jaana go thubega ga malwapa go golela pele Botswana ka kakaretso, borre ba tshwanetse ba ema ka dinao go fetola seemo ka go intsha mo dikgannyeng tseo. A re sekolo sa gagwe se lebanwe ke kgwetlho e tona ya bana ba ba tshabang sekolo mme batsadi ba sa thuse go ba busetsa sekolong. A re mo bo gompienong ba kopa dithuso tsa dijo,diaparo le metsi mo bathong gore bana bao ba kgone go ya sekolong. Bome o tlhatlositswe maemo A re batsadi ba supile fa go se na kwa ba ka latlhelang teng mabotlolo a melemo e ba thusiwang ka yone kwakokelwaneng. Rre Samson a re godimo ga moo go tlaa bo go kentiwa bana ba basetsana ba e leng gore ga ba tsene sekolo le bone ba le dingwaga tse di ferang bobedi go ya ko go tse di lesome le boraro. A re lwantsheng borukhutli - kgosi Barui ba ditonki ba batla tlhwatlhwa e okediwa A re Phalana tsa Lekgarapa e setse e ribolotse ditalente mo bananeng ba Palapye le metse e e mabapi, a kaya fa ba ipelafatsa ka banana ba ba nang le ditalente tsa go opa diatla, go opela le go bina mebino ya Setswana ka go farologana. A re ba gwetlhilwe ke gore balemi-barui ga ba dirise tsela sentle ba tsamaya ka dikotsekara di sa bonale bosigo ga mmogo le dikoloi tse di sa itekanelang, mme se se kgoreletse babereki ba moepo fa ba dirisa tsela bosigo. A re mo nakong ya gompieno ba na le keletso ya go leka go tlhabolola lebala la metshameko. Ka jalo, Kgosi Mosweu a re batsadi ba tshwanetse go boela morago mokgwa oo wa go kgaupetsa dithuto tsa bana. O boletse fa dikole tsa Materspei College le Francistown senior le tsone di dirile bontle. Rre Marumola a re boloko jwa mokgatlho o, bo botlhokwa gore motho a bo a na le boikarabelo jo bo tseneletseng ka ke tiro ya go boloka matshelo. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Kgonkane o kaile gape fa tlhaelo ya boroko jwa badirelapuso le go tlhoka motlakase kwa kokelwaneng ya motse e santse e le kgwetlho ka jaana badiri ba berekela mo diemong tse di thata jalo a ikuela mo pusong go tsibogela seemo seo. A re mo nakong eno ele ba khansele ba gatile monwana gore goromente yo mogolo a dumalane le bone ka dikakanyetso tse. O buile jalo ka Labone kwa Shoshong jaaka ba ofisi ya thuto mo Mahalapye ba ne ba rulagantse tiro ya go tsibosa setshaba ka thuto e e faphegileng e e fiwang ba-na-le bogole. Kgosi Sekai a re e setse e le selo modiro go lwela bogosi mo gae, a supa fa ene mo kgolong ya gagwe, a fitlhetse go sena mo gontweng kgosi o a tlhophiwa. O ne a tswelela ka go tlhalosa gore ba kgonne go kwadisa mokgatlho wa bopelotlhomogi wa Lamodimo Charitable Organisation ba bo ba fiwa setsha gone ko motseng wa Sese, mme se tlhoka go agiwa gore ba se tsenye mo tirisong. O ne a tlhalosa gape fa ba tshwenngwa ke letlhoko la metsi mo kgotleng ya gagwe mme seo se ame dikgwebo le madirelo. A re puso e na le mananeo a thotloetso ya bomme, le banana ga mmogo le setshaba go se ntsha mo lehumeng. Fa a tswelela, a re mo nakong ya gompieno o isitse kopo kwa lephateng la banana go kopa madi a tlatso. Puso e ka se kgone go hira mongwe le mongwe, ke ka moo e tsileng ka mananeo a dithuso tsa madi go dira dikgwebo, e le sebaka sa go rotloetsa Batswana gore ba itirele dikgwebo go imolola puso mokgweleo wa khiro, a tlhalosa. A re ga gona sepe se se tlang motlhofo mo botshelong fa o sa bereke ka natla, a tlhalosa fa ene a ne a ithuta ka thata go bo a le fa a teng. Fa ba fa bopaki ka fa ba lekang go kgothatsa bana ka teng, leloko la komiti ya tshireletso bana ebile e le morutabana wa bokaedi kwa sekoleng se se botana sa Majwanaadipitse, Mme Obakeng Mbaiwa o boletse fa ba leka thata kwa motseng oo, go bopa bana ka go etela metse ya bana le batsadi ba ba sa ba tlhokomelegeng sentle, go bona gore ba ja sentle bogolo jang ba dikhutsana. E rile bosheng Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Mahommad Khan, a supa fa a tshweneyegile ka go bo Molepolole e le motse o motona go feta metse yotlhe mme o le kwa tlase ka ditlhabololo. Kgosi Pharithi a re dikotlhao di tshwanetse go gagamadiwa kaseemo se bifile mme magodu a lemogile fa dikotlhao di le kwa tlase. Mo go la gagwe, Kgosi Basiamang Garebakwena le ene o ne a nesetsa mafoko a ga ramapodisi pula a re a mantle ka seo se tlaa bopa motse le go fokotsa borukutlhi. Barutabana ba maloba ba na le seabe Seabe sa batsadi konokono mo bokamosong jwa baithuti Mme Morwe o ne a tlhalosa fa ba itlhaelwa ke diofisi tsa mapodisi, mogala le badiri ka jaana mapodisi ba le babedi fela, a tlatsa ka go re ga ba na lepodisi la maemo a magolwane . A re se se supa fa banni ba leka ka thata go nyeletsa lehuma le go itshetsa ka mohuhutso wa diphatla tsa bone. O tsweletse ka go bolela fa go ngomola pelo go bona Batswana, segolo jang banana ba eleng bone babusi ba kamoso, ba tlhokafala ka dipalo tse di kwa godimo mo dikotsing tsa tsela ntswa ba dikomiti tsa ipabalelo tseleng, ba sepodisi sa Botswana gammogo le ba lekgotla la Motor Vehicle Accident Fund ba tsweletse ka go ruta setshaba ka ipabalelo tseleng. O kopile batsadi go ema ka dinao go bona gore ba bua le bana ba bone gore ba ba lemotshe bodiphatsa jwa nnotagi le gore ba itshenyetsa bokamoso. A re go baakanngwa ga dipone ga go potlakelwe. A re fa Motswana a tswela kwa mafatsheng a mangwe a ipolela gore o tswa kwa lefatsheng la Botswana ba a ba ikitsisang ba mo amanya le kagiso e e renang mo lefatsheng leno. Rre Kepaletswe Kenosi yo e leng mongwe wa masika a mosadi, o tlhalositse fa ngwana wa ga kgaitsadie a boloketswe kwa Palapye ka Sontaga fa wa monna ene a boloketswe kwa Ramokgonami gone ka Sontaga. Go ne go bonala fa banni ba ne ba sa bolo go emela letsatsi la go keteka boipuso jo ka botlhe ba ne ba kgabile ka diaparo tsa mebala ya folaga ya lefatshe leno e e nang le botala jwa loapi, bosweu le bontsho. O kopile morafe le bogogi go thusa puso go lwantsha seemo sa mofuta se se ngomolang pelo. Rre Mokgethi o tlhalositse ka lenaneo la puso le a reng jaaka baithuti ba ikopela diphatlha kwa dikoleng tse dikgolwane tsa ithutelo tiro, go tlhoka gore ba bo ba fitlheletse seelo se se beilweng sa dintlha tse di masome mararo le borataro. A re ka thuto-puisanyo e, setshaba se tlaa nna le sebaka sa go tlhaloganya gore ba tsee dikgato dife mo dikgannyeng tsa borukutlhi, go iphapha mo borukutlhing, le gore morago ga go bega dikgang di tsamaya jang go fitlhelela di felela kana go tla kwa dikatlholong. Fa a bua ka tse di amang banka ya Barclys o ne a kaya fa maikaelelo magolo a bone e le banka eo e le go thusana le puso mo go tsenyeng letsogo tlhabololong ya morafe le setshaba ka kakaretso lefatsheng leno le gone go thusa mo go tshwakanyeng itsholelo eseng fela go ikaga ka diteemane. O supile gore sengwe sa tse di ka pakang seemo se, ke go bona barutabana ba ba rutetsweng go ruta ba-na-le bogole ba ntse ba oketsega. Khansele e ne ya seka ya iteela ntle bana ba ba nang le diemo tse di thata tsa botshelo, ba dingwaga tse 6 go ya go 9, ka ba ne ba isiwa kwa Radisele le Seolwane go ya go rutuntshiwa teng, ba tswa mo metseng ele merataro. A re banni ba kgaolo e, ba tshwanetse ba amogela go tshela le bolwetse joo, a bo a re ga bo farologane gope le bolwetse ja AIDS ka go lebega bo tlaa tswelela bo itshupa kgapetsa kgapetsa. A re disanke tse di neng di ruletse leobo di sa senyega tsotlhe ka jalo morafe o ka di dirisa go busetsa leobo mo seemong. A re ka jalo go botlhokwa thata gore badirelapuso ba e leng bone baanamisi ba mananeo ba ikgolaganye le morafe gagwe ka go rulaganya malatsi a tshwana le go isa ditlamelo kwa setshabeng le go rulaganyetsa bagwebi ba ba thusitsweng ka mananeo a tshwana le la nyeletso lehuma letsatsi la mmaraka go rotloetsa dikgwebo tse dipotlana. Mme Lesole are o itemogetse fa bangwe ba felela ba dipampiri tsa Dailynews di feta bobedi mme e le tsa letsatsi le le lengwe. Morago ga simololwa lerothodi le le thibelang mogare o, ka jalo re le ba botsogo re le kopa go ikgologanya le rona ka dinako tsotlhe go bona gore ngwana wa gago ga a tlolwe ke kalafi epe, Rre Kwabala a tlhalosa. A re kgwetlho e nngwe e tona mo kgaolong ya Bobirwa ke bolwetse jwa tlhako le molomo, mme ntlhopheng wa bopalamente Rre Shaw Kgathi ga a buiwe sepe ka yone, a tlatsa ka gore bone e le ba BCP ba re go tsenngwe terata ya motlakase gore leruo le diphologolo di seka tsa kopana letsa lefatshe la Zimbabwe. A re morafe o atlile dinkgo tsa bone mo bangwe ba kgonang go di beeletsa. Bangwe banni ba nongoregile ka go sa bona thuso epe fa ba ikopela dithuso tsa mananeo a a lebaganeng banana le bomme le mororo ba fetile ka lekalana la LEA. O ne a tswelela ka go kopa le botlhe ba ba dirisang bana gore ba itse fa bana ba ele bone bogogi jwa kamoso ka jalo ba ba somarele gore ere ka moso lefatshe leno e bo lena le boiteledipele jo bo popota. A re seemo se se dira gore motho a felele a nna le bana ba le bantsi mme a felele a palelwa ke go ba fa tlhokomelo e e tsepameng mme botsogo jwa bone bo felele e le jwa seemo se se tlhobaetsang. O tlhalositse fa ISPAAD e duelela ditshenyegelo tsotlhe tsa temo fa molemi a lemile dijo tse di jewang ke batho. Rre Mokwena o buile mafoko a ka Matlhatso, fa a ne a simolodisa dikgaisanyo tsa mabelo di rulagantswe ke ba lephata la tlhabololo banana metshameko le ngwao kwa Lobatse. Molaodi o ne a supa fa mo setshabeng go na le bangwe ba ba dirisang dipuo tsa gore bone ga ba kake ba ntsha sa bone go thusa ngwana wa motsadi yo mongwe, ka jalo a re ke bopelontle go bo ba thusa bana. A re leseng go nwa majalwa le bana ba rona. A re bana ba sirelediwe mo mogareng wa monang ka masole a bone a mmele a ise a nonofe ka jalo ba tshwanetse go robala ka fa tlase ga masire. A re ba amogetse dikago tseo ka di wetse ntswa go setse fale le fale mme ba na le tsholofelo ya gore mo nakong ya malatsi a a supang go tlaa baakanngwa mo go setseng. Setlhopha sa khansele ya Kgalagadi le sone se ne sa bona seetsele sa solofera le paka ya setlhopha. Rre Mogolo a re balemi ba tshwanetse go dirisa dipeo tse ba nang le tsone jaaka Sekgwathama le mororo puso e tsweletse ka go ba ema nokeng ka go ba neela peo. O ne a tlatsa ka go gakolola batsadi go tsamaya le bana kwa dikerekeng ka seo se ka ba aga go simologa ba sa le ba botlana. Letlhogo tshweu lengwe le le tlholegang kwa Kang mo kgaolong ya Kgalagadi, Rre Keakabetse Mogaga yo o dingwaga tse di masome a marataro le boraro o dira ka gotlhe go tshegetsa ngwao ka go suga matlalo a dira dikgole. Mme a re puso e ne ya bona go le maleba gore ba ntshe mananeo a a ka tshetsang setshaba se se rategang sa Botswana. Mokwaledi wa ga Tautona gape e le mokwaledi wa khuduthamaga ya matona a puso, Rre Carter Morupisi o kopile badirelapuso ba toropo ya Sowa go tla ka methale e e tlaa ngokang babeeletsi le go tsosolosa toropo eo. O boletse fa a ne a nna le lenyora la thuo e ya dinotshi mme nna le maikaelelo a go itshimololela thuo ya gagwe. Leina la Kgosi ya Lesenepole le santse le padile A re mmabontle o tlaa bo a tshwaretswe kwa ntlong lohalahala ya Dilolwe gompieno, nako e le ya bosupa mo maitseboeng. O ne a tlhalosa fa ba botsogo ba na le beke e go itebagantsweng le go kentela bana malwetse a a ka felelang a ba tseela botshelo. Rre Mabeo o kaile gore le fa ntswa bangwe ba ngongoregela gore tsela eo, ke tsela ya masimo o tlhalositse gore tsela eo, e tlaa tsosolosa mohama wa temo-thuo le gone go fetlha maiteko a go ntsha dijo ka bontsi ka tsela e tlaa tlhofofatsa gore ditswa tshimong di goroge ka bofefo ko mmarakeng. One a tshwaela gore banni ke bone matlho ago ka itse gore ditlhabololo le ditlamelo di tlhaela hakae mo motseng. Mopalamente o ne araba ka go re molao wa re mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itlhophela gore o seka kae, a bolela fa ba makgotla a ditshaba le balwela ditshwanelo tsa setho ba bolela fa mongwe le mongwe a na le tshwanelo e bile a sekake a bonwa molato kgotsa a tlhatlhalelwa ruri a ise a seke. Mme Berman-Mosime a re ba itemogetse gore gantsi fa motse o tlhongwa batho ba bitsa ba bangwe gore ba tle go ipaya go ise go bewe gore fa go bewa ba akarediwe mo teng. A re seemo se, se batla go tsibogelwa ka bofefo, e seng jalo bagolo ba tsile go tlogela temo ka bontsi. O ne a tlhalosa fa kereke eo, e tlhamilwe ka 1934 kwa Afrika Borwa, mme mo Tsabong e gorogile ka 1984. Dikotsi tsa tsela di oketsegile Mme Kgomotso Kesekang, yo o dingwaga tse di masome mane, ke monngwe wa ba ba akotseng lenaneo la banana go simolola kgwebo ya kapei ya borotho. E rile batho ba dikgotlana tsa Dilaene, Parwe le Mmadipheretlha ba akgela mo diphuthegong tseo, ba iteela mafoko a ga kgosi megolokwane e bile ba bolela fa ba setse ba tlhophile dikomiti tse di baakanyetsang boipuso mo dikgotlaneng tsa bone. O boletse fa kompone ya Motswedi Laundry e tlhamilwe ka maikaelelo a go tsamaisa kgwebo ya gagwe ka fa se molaong gape a re o supa gore o ne a ile dithutong. O boletse gore go ima ga bana ba dingwaga tse di kwa tlase go tsweletse ka go golela pele mo kgaolong potlana ya Tsabaong mme se se supa fa banana ba le bantsi ba tsena mo tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang ba santse ba le babotlana mme seo se dira gore ba tsene mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetsi a dikobo kana HIV/AIDS. Go botlhokwa go tlhaloganya gore tiro ya rona e berekela mo tsamamisong ya molao, mme ebile ga re baatlhodi. Ditlhwatlhwa tsa gagwe di simolola ka P120. A re mo boemong jwa moo, banana ba setse ba ikaegile ka lenaneo la Ipelegeng, le a tlhalositseng e le la nakwana, ka jalo ba sa tshwanela go ikaega thata ka lone. Ba ne ba lelela mo go mopalamente gore a kope puso gore e ba epele didiba tse di dikologileng motse wa bone gore le bone ba tle ba kgone go itshetsa ka maneno a puso a a duleng jaaka a nyeletso lehuma le masingwana tsa merogo. O tlhalositse fa ditlhabololo tse, di ne di dirwa ka maikaelelo a go tlhamela banana le morafe mebereko mme di ka tokafatsa matshelo le metse ya bone. Peo ya ga Rre Isaac Dipuo semmuso, yo e leng kgosana e e sekisang e be e atlhola, e tlaa bo e tshwaretswe kwa Ga-segwagwa ka Labotlhano. A re ka ntlha ya se, go thona gore komiti ya batsadi le barutabana yone e bo e santse e ise e akanyediwe le mororo e dira tiro e ntle. E ne bosheng a beke kompone e e tlhokomelang kampa ya moepo wa Jwaneng, ya Servest Integrated Solutions ya etela bana ba Lamodimo Charitable Organisation ko Sese go ya go ba abela malao a le masome a mabedi ga mmogo le go teratelela bonno jwa bone. A re ba kentise bana ka nako ba bo ba netefatse gore ba tsaya mekento jaaka karata ya kokelo e supa. Bomme ba, ga ba a ipona tsapa go tokafatsa matshelo a bone ka jaana ba ne ba tswa ka megopolo e ka yone ba ka inamolang lehuma. O tsweletse a re kgokgontsho e diragala letsatsi le letsatsi, e bile dipalo di golela pele le ditsela tse disha tse e tlang kana e diragalang ka tsone. Moemedi wa Batswana ba ba nnang kwa eSwatini, Mme Semakaleng Mthethwa yo o nyetsweng teng, o boletse fa ba santse ba tsogile mme a supa fa a itumeletse go tlhongwa ga ga Tautona Masisi thata le khudu thamaga ya gagwe. O rile go botlhokwa thata go lema ka ditselana ka go na le maduo a a botoka fela thata. O tsweletse a tlhalosa gore ba ba amegileng ba kgona go senya bosupi a afa sekai ka dikgang tsa thubetso gore ba ba thubeditsweng ba kgona go tlhapa ba bo ba tshuba le diaparo tse ba neng ba di apere ka nako ya tiragalo, selo se a reng se ngotla bosupi. A re go nna ba bewa kwa morago ga matlo go lebalwe mme ba newe tlotlo e e tshwanetseng. Dikoloi tsa rona di ne di bapile thata, di kgomana ka mabati. Rre Petelelo a re pele go agiwa matlwana ao, gone ga tla morongwa a tswa kwa ofising eo go tla go seka-seka seemo se ba neng ba tshelela mo go sone mme a lemoga botlhokwa jwa go aga matlwana a boitiketso mo malwapeng ao. Mmaboipelego wa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Mme Maureen Lefifi a re ntswa go santse go lebega bontsi jwa banana ba tseela thuto ya tiro ya diatla kwa tlase, e botlhokwa fela thata mo nakong eno e lefatshe leno le nang le mathata a tlhaelo ya ditiro. A re puso e eme balemi nokeng ka jalo ba tshwanetse go ititaya ka thupana go bona gore ba lema dijo tse dika tshetsang lefatshe leno. Thapelo ke makgonatsotlhe Bangwe ba ngongoregetse go sa akoleng lenaneo la Nyeletso Lehuma ka ntata ya go tlhoka didirisiwa ntswa ba morago ga thutuntsho ba ne ba solofetse go inamola mo lehumeng, ba bo ba kopa puso go potlakela seo. Fa a tswa la gagwe, Mme Kerekang o ne a kopa babereki bao go tlogela mokgwa wa go tsena morago ga nako le go nyelela fela mo tirong. O gateletse gore badirelapuso ba gololesegile go tla ka megopolo go abelana le ba bangwe ka fa ba akanyang dilo dingwe di ka dirwa go tokafatsa maduo mo tirong ka teng. Rre Moahi a re ba ntse ba kopanetse setsha le ba sekole sa ithutelo tiro ya diatla sa Ramatea mme ba tshelela mo dikgogakgoganong, ka jaana ba Ramatea ba ne ba sa duele metsi le fa e le motlakase. Moeteledipele wa setlhopha se, Mme Ndu Ngwako o tlhalositse se morago ga leeto la molaodi wa kgaolo ya Bobirwa, Rre Mompoloki Mochanang bosheng. ISPAAD e tsweletse kwa Bobonong Mo kamogelong botsadi joo, jo bo neng bo patilwe ke Mopalamente Kgotla Autlwetse, Mogokgo Boikhutso Mokomane o ne a re letsatsi leo le botlhokwa ka ba kgonne go bona le mopalamente yo ba sa kgoneng go mmona ka mabaka a tsa tiro. Kgosi kgolo Lotlaamoreng wa Barolong o gwetlhile mekgatlho go rutuntsha dikomiti tsa yone tsamaiso e e tsepameng go thusa go ntsha maduo. Bishop Gaotloge o ne a gatelela mafoko ao ka a a mo Baebeleng, a a reng Modimo o ne a tsisa Jesu go tla go swela dibe tsa batho mo lefatsheng a tlatsa ka gore e le kereke, ba bone gore le bone ba supe lerato la bone mo bagoding. Rre Motshegwe o ne a kopa ba ba neng ba tsile merapelong eo go netefatsa gore ba fetola ka fa ba dirisang dikoloi tsa bone ka teng a tlatsa ka gore le gone go obamela matshwao a tsela go ka thusa go fema dikotsi tsa tsela. A re ke ka moo Tautona a neng a simolodisa lenaneo le ka ngwaga wa 2010, a tlhaba mokgosi ko dikomponeng, makalana a a ikemetseng, ga mmogo le setshaba ka kakaretso gore ba tsenye letsogo. Ba Itsoseng Bagolo Pottery ga ba itebe dinala Arch Bishop Mereyabone o buile mafoko a mo potsolotsong le BOPA bosheng. O tlhalosa gore motho fa a tla go ikuela ko go bone ba batla setlankana sa lenyalo mme ba kopanye botsadi jwa boo babedi go bua kgang. A re seemo se se ngomola pelo fela thata ka jaana se kgobisa boraditerekere marapo mme a ikuela mo go ba ba maleba go se tsibogela. A re sebaka se santse se le teng sa gore bana ba ba dirang dithuto tse di sa itebaganyang le tsa maranyane ba ka di fetola ka mo nakong ya gompieno sengwe le sengwe ke se se tlhokang gore motho a bo a ithutetse tsa maranyane. Go ne go sha logong go sala molora kwa Tsabong jaaka ditlhopha tsa mmino wa Polka di le lesome le bosupa di ne di iteisana borathana mo go ipaakanyetseng dikgaisano tsa malatsi a ga tautona. Motshwarelela mookamedi wa lekalana la ditlamelo tse di faphegileng kwa lephateng la thuto go tswa kwa moding, Mme Victoria Ramaribana a re ba-na-le bogole ba na le tshwanelo ya go fiwa boswa jwa thuto fela jaaka mongwe le mongwe. O ne gape gwetlha puso go tsenya letsogo mo go tlhokomeleng tshaba eo ya kamoso. O gakolotse setshaba go tsena mo nyalong ka gobo nyalo e fa motho seriti. O boletse fa bangwe ba ipoeletsa mo melatong ya mefuta eo fa go twe ba emele tsheko kwa ntle ga kgolegelo. E rile mothusa mokwaledi go tswa kwa lephateng la banana, metshameko le ngwao a bua kwa Sikwane kwa kamogelong ya molelo wa kgolagano a re ngwaga ono Botswana o tlaa bo a ipelela dingwaga tse di masome matlhano a ntse a ipusa e bile gape tebelopele ya 2016 e tlaa bo e tla bokhutlong. Boeteledipele jwa Ngware mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng bo supile fa bo tshwentswe ke go nowa phetelela ga nnotagi mo motseng wa bone, bogolo jang ke banana. Tshimo ya ga Rre Luka e kwa Shashemoke go bapa le noka ya Shashe, e a dirisang metsi a yone go nosetsa. Mme Naolakgosi o tlhalositse fa ba kokoantse madi a a fetang dikete tsa dipula di le masome a mabedi le bone, dikgomo tse nne go balelwa le ya ga tona, dipodi di fera bongwe le dijo dingwe. Rre Boikarabelo Balo o ne a leboga go menagane, a re mpho eo e tlaa ba fa seriti se se tshwanang sa malwapa a mangwe. Ba nna ntle le teseletso Mongwe wa bagolwane kwa kerekeng eo, Mme Toteng Motshidisi, o ne tlhalosa kwa ba tswang teng le tse ba kgonneng go di direla morafe. Mme Jimmy o tlhalositse fa balemi ba tshwanetse go tshuba seolo fa ba fetsa go bolaya khumagadi ya motlhwa. O ne a supa fa ope yo o sa kwadiseng setsha sa gagwe lefatshe ka bophara a tlaa se amogiwa mme se abelwe ba bangwe. Mme Kokoro a re sekole se na le dikgwetlho di le mmalwa tse di tlhokang go tshwaraganelwa le batsadi, a re mo bogompienong bana ba santse ba tsenela ka fa tlase ga ditlhare, selo se a reng se ngomola pelo, bogolo jang mariga. A re kwa ntlong ya gagwe ga a ke a reka mokgabisa ka o itirela wa gagwe. A re dikgwetlho tsa temo ga di a tshwanela go ba kgoba marapo mme ba tshwanetse go nna pelotelele go bereka ka natla.Bokhutlo Ka jalo a re madi a ba a kgobokantseng ga a ise a lekane go ka dira maikaelelo a bone. A re o ikaelela go dira ka natla go feta fa a dirileng ka teng ngwaga oo fetileng go leka go tokafatsa maduo a gagwe. Makhanselara a Bokone Bophirima a dumalane ka bongwefela jwa pelo go fetola ka fa ba ntseng ba tsamaisa tiro ya khansele ka teng ka maikakelelo a go tlhabolola maduo. Rre Thapedi o ne a bua jalo kwa kabong dimpho ya sekole sa Moeng College bosheng. Mme Nteta o gwetlhile basetsana ba Boikhutso go tsaya boikarabelo jwa go dirisa mesangwana ka fa go tshwanetseng le go bona gore e e dirisitsweng di latlhwa ka tsela e e ka sekang ya kgotlela tikologo. E rile mo potsolotsong le BOPA, Mme Boingotlo yo o dingwaga di masome a marataro le bongwe a tlhalosa fa e rile ka ngwaga wa 2013 ene le bomme bangwe ba le batlhano ba ikopela lenaneo la go intsha mo lehumeng. O ne gape a gatelela kgang ya go fudusa ikwadiso, a supa fa seo se le ka fa molaong, a tlatsa ka gore kgang eo e ama babereki thata. Barclays bank Palapye e abetse sekole sa Ratsie A re moono wa bone ba o simolotse ngogola mme le mo nakong ya gompieno ba tsweletse ka one. Motse wa Letlhakeng o tla a keteka letsatsi la ngwao kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome mabedi le borobabongwe. E rile ba akgela, banni ba supa fa serudumo sa boipuso se nyelela mme maikaelelo a bone ele go dira tsotlhe tse ba ka di kgonang go se busetsa ka go tshologela mokete oo ka mmetela le gone go tsosolosa ngwao ka go supa mmino le metshameko ya maloba. O supile fa a tshwenngwa ke go nna maoto a tshupa ga banni mo go tseneleleng diphuthego ntswa komiti ya ditlhabololo e le yone palamente ya motse, a tsibosa fa dikopo tsa bone di ka seke di arajwe fa ba sa tseye diphuthego tsia ka dipalo tsa bone e le tsone di ba buelelang mo maphateng a puso a a farologanyeng. A re ba ba ntseng ba sa beye sebete Nata Development Trust ba tlaa bona gore go na le maduo mme ba simolole go ba ema nokeng le go lwantsha tshenyo e e dirwang kwa Nata Bird Sanctuary. Tautona Lt Gen. O ne a re phatlha ya bogosi e nngwe fela, mme e bile ka tsamaiso ya tsetlana ya tsamaiso ya bogosi e letla gore go ka ntshiwa leina ke beng ba motse ba le mo seemong se ba neng ba le mo go sone mo kgotleng. Le fa go ntse jalo, o ne a rotloetsa bagwebi go tlhomamisa gore ba thapa badisa dikago le go isa dipoelo tsa thekiso kwa mabolokelong a madi go na le go a tlogela mo mabentleleng ka jaana a a bo a sa sireletsega. Rre Batshu o ne a bolela fa puso e itse ka seemo seo mme go lekwa ka bojotlhe go arabela selelo seo. Balemi ga ba a kgojwa marapo ke seemo sa loapi Sekole sa Diloro se gaisana le dikole di le lesome le boferabongwe tsa kgaolwana ya botlhatlhobi jwa dikole, se bo se wela gape mo palong ya dikole tsa kgaolo ya Legare tse di makgolo mabedi, masome a matlhano le bosupa, seo se bo se se baya mo maemong a sephatlo mo lekgolong sa dikole tse di dirileng sentle mo kgaolong yotlhe. A re gape sekole se sebotlana sa Fredrick se kopile kgotla nngwe le nngwe go ba thusa ka madi a a ka tshwarang sekete, go ipaakanyetsa moletlo wa dingwaga tse di masome a mane ka jalo le bone ba batla go kgona go a ntsha. A re ngwana o tshwanetse go fiwa sebaka sa go itse batsadi botlhe go tswa kwa letlhakoreng la kwa ga mmaagwe le la ga rraagwe. Rre Ramotsabababa o kaile fa ele barutabana, ba leka ka bojotlhe go nna ngata e le nngwe le botlhe ba ba amegang gore sekole seo se tle se ntshe maduo a a kgatlhisang. Dr Kedikilwe o tlhalositse fa go le botlhokwa go somarela tse puso e ba di diretseng gore ba bo ba nale se ba se supang mo isagong , a bo a ba kgothatsa go tsaya ka tlhoafalo mananeo a puso e a ntshitseng go tokafatsa matshelo a bone. A re bajanala ba nna ba etela motse wa bone go tla go reka dilwana tsa bone, a tlatsa ka go re tse dingwe ba di romela kwa Maun le madirelo a a fitlhelwang koo. Rre Monare o ne a re go tlhokega sekole se sebotlana sa bobedi mo kgaolwaneng ya gagwe ya botlhophi go imolola se se teng. Banni ba Bokaa mo kgaolong ya Mochudi Botlhaba ba lela ka letlhoko la metsi kwa motsing oo. Thotloetso e,o e buile maabane mo dithuto puisanong tsa bakgweetsi tse ba neng ba di rulaganyeditswe ke ba komiti ya ipabalelo tseleng mo Tsabong. O ne gape a bua a sa kgwe mathe ka mapolotiki mangwe a a kaileng fa ba nale mokgwa wa go utswa batlhophi kwa dikgaolong di sele go ba tlisa mo dikagolong tsa bone go tla go ba tlhopha, mme a supa fa seo e le molato. Mokhanselara wa Tati Siding Mme Ruth Dlodlo ene o ne a lebogela morafe go tsena tiro eo ya ditebogo ka dipalo tse di kwa godimo. Fa batswa la bone balemi ba kgaolo eo ba supile fa ba santse ba tlhaela kitso ee tseneletseng ka temo mme ba akgola balemisi gore ba bereka ka thata goba ruta go lwantsha diji le mohero. A re kgatiso ya gagwe ya setlhogo sa Mme Belemo o tsweletse a re o kgonne go dira kgatiso ya gagwe ka thuso ya Moruti Macdonald Ndlovu wa Bible Ministries mme go ne go se motlhofo. O file sekai are nama ya tonki e ka dira dinama ka mefuta di tshwana dipolone disalami digwapa, le mokungwana mo go tse dingwe. Inspector Masole a re bakgweetsi ba dikara tsa ditonki le bone fela jaaka badirisi ba bangwe ba tsela ba kgona go tshwarwa fa ba kgweetsa ba nole. O ba tlhaloseditse gore jaaka motse o tlhomamisitswe jaana, ba mo seemong sa go agelwa kokelwana, sekole se sebotlana le kgotla. A re go botlhokwa gore batsadi ba itse se ba ka se dirang go thibela mathata a tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi. A re go tswa goo lowe Batswana ba ntse ba dirisa ditonki e bile gape ba na le dijokwe le matege mme mo nakong ya gompieno didirisiwa tseo ga di sa tlhole di le teng ka jalo a supa fa lenaneo la ISPAAD fa le ka emisiwa bontsi jwa Batswana ba tsile go tshelela mo lehumeng. Mme Ramosiane a re mananeo a,puso e a diretse Batswana, ka jalo a ba kgala a sa kgwe mathe a bo a bagakolola go emisa go a neela batswakwa. Rre Monyadiwa a re ngwaga ono gape e itebagantse le go rapelela boipuso e le bontlhabongwe ja go ipela, go tlotlomatsa mebala ya lefatshe leno ga mmogo le go rotloetsa mowa wa popagano. O gakolotse banana bao go dirisa sebaka se gore ba itshimololele dikgwebo, a kaya fa gape ba ruta bana ba basetsanyana maitsholo a a eletsegang le gone go tswa ka maano a a ka fedisang dikgwetlho tse ba kopanang le tsone gore e nne bomme ba ba nang le boikarabelo le seriti mo setshabeng. Molaodi a re thutopuisano eo e diragetse ka nako e e siameng ka gonne ka Moranang, Motsheganong le Seetebosigo mo kgaolong eo go nna le dibetso tsa tlholego di tshwana le merwalela le melelo ya naga. A re dipodi tsa gagwe ga di tshabelelwe ke go jewa ke dibatana ntswa a ruetse mo lefatsheng la morafe ka a na le dintsa tse di disang e bile a nna a itshwaragantse le ba ofisi ya matlhoko a leruo. A re ga a jesiwe di welang ke go goga dinao ga batsadi fa go tla m o thutong ya bana bogolo jang ka ba palelwa ke go tsena diphuthego tsa sekolo go utlwa gore matsapa di a tsaya kae. O ne a gwetlha bana ba basetsana go itlhokomela ka go tsaya mebele ya bone jaaka tempele ya Modimo, mme a ba rotloetsa go tlhwaafalela dithuto tsa bone, go na le go itewa tsebe ke dilo di tshwanang le mesokelatsebeng, dikoloi le madi. O boletse fa tiriso ya lefatshe le ditsatlholego, go rengwa ga ditlhare, tiriso ya menontshane gammogo le kgotlelesego ya loapi ke mesi ya dikoloi le tsone di ama seemo sa loapi fela thata. Rre Maele a re go botlhokwa gore e re molemi a lema a leme mo go lekanetseng gore a kgone go tlhokomela dijwalo tsa gagwe a bo a kgone go ntsha dijo tse dintsi. Rre Ramogapi o ne a re khansele e tsweletse ka go tlhaelelwa ke dikarata tsa theko, ka jalo go bonya go di abela ba ba tshwanetseng go di abelwa mme go a lekwa gore ba di bone. A re motho yo o batlang go nna leloko la boithaopo jwa twantsho borukutlhi o tshwanetse go bo a ise a dire borukutlhi gope. Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane, o gomoditse boora-Shanganya kwa Mmadinare morago ga gore bana ba le babedi ba tlhokafale ba sena go tsewa ke metsi mo molapong oo ralalang motse. Le fa go ntse jalo, o ne a gakolola bomme le basetsanyana go itlotla ka go apara diaparo tse di sa senoleng mebele ya bone, selo se a reng se ka fokotsa dikgang tsa petelelo. Ba supile fa metsi a tlhaela fela thata mo Kanye mo bangwe ba kgonang go tsaya kgwedi tse pedi ba sa tlhape le go nwa, fa matlwana a boitiketso a a dirisang metsi gone go le maswe fela thata. A re le ntswa a tlhaloganya fa kgang ya go tsennga ga sekonotere e se e e bonolo ba ka lebogela maiteko a go e gopa gore e kgone go tsamaega.Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse mme Mmashale Kinnear o lela ka bothata jwa go sa tshwareng ga letshwao la seromamowa sa RB 1 gore le ba kgoreletsa go itse dithulaganyo le mananeo a puso. Mopalamente wa Kgatleng Botlhaba o kopile banni ba Mmathubudukwane go dirisana le makalana a semolao go tsibogela dikgang tsa kgokgontsho ya bana. A re ba tlhobaediwa ke gore ga gona le ha e le mokgwasa ope ka se se bakileng tiego e kalo le mororo ba babaletswe thata ke tlala. O gwetlhile borre go tsena lenaneo la diritibatsi le go netefatsa gore ba obamela ditaelo tsa ba botsogo ka jaana bontsi bo ka kgona go tshela lebaka. Fa ba akgela, makhanselara a kopile gore kakanyetso ya kgaoganyo ya madi a khansele e ne e tla ka nako gore ba kgone go akgela le go baakanya tse di tlhokegang gore di ka baakanngwa mo go yone. O tlhalositse gore keletso ya gagwe ke gore banana ba balekane ba gagwe le bomogolowe ba ikaege thata ka Modimo ka go sena se ba ka se kgonang kwa ntle ga thuso ya Modimo. A re banana ke bone ba amegang thata mo bontsing jwa dikotsi. O kaile fa dithuso tse dingwe ba di neilwe ke bagwebi bangwe mo Lerala mme ntlo ya agwa ke baithaopi. Rre Mzwinila a re tshwaragano le tirisanyo mmogo ya morafe le puso ke tsone fela tse di ka dirang gore bolwetse jwa tlhako le molomo bo nyelele mo kgaolong ya bone. Balekane ba Botswana ba supa kutlwelobotlhoko O boletse fa e nnile mosepele o moleele go baakanyetsa tiro eo, e bile go ne go se motlhofo go goroga fa ba leng teng. Fa a leboga, mothusa kgosikgolo Kgosi Kebapetse Telekelo o ne a akgola Kgosi Malope a ba a kopa dikgosana go tsaya malebela mo go ene. A re ba batla lenaneo le ka lone ba ka kgonang go kgobokanya borre fela gore ba kgone ba itlhatlhobele mogare wa HIV, gore ba itse seemo sa bone nako e le teng mme ba tsee dikgato tse di maleba. A re molao o o gagamaditswe go letla gore motho ope yo o ka bonwang molato ka go gweba ka diritibatsi a tseelwe dithoto tsotlhe tse a di ikgobokanyeditseng. A re e rile fa ba tswa kwa dithutong tseo ba simolodisa kgwebo e ba neng ba tlhatswa diaparo ba dirisa dimashini. O ne a re toropo e leswe gape ga gona melawana e e gagametseng ka jaana matlakala a gasagasame le toropo e bile e le leswe le le ka bakang malwetse le monkgo. Banni ba metse eo ba lebogile mothusa tautona go bo a ne a na le mowa wa tirisano mmogo, lerato le tlhompho ya mongwe le mongwe. A re banana fa ba eletsa go tsena mo kgwebong epe fela, ba kgothale go inaakanya pele le bagwebi ba kgwebo ya go nna jalo gore ba ba abele dikitso le maele. Bomme ba kereke ya The Holy Christian Apostolic Church In Zion ba rotloeditswe go tshegetsa malapa a bone ka tumelo ka e le yone motheo wa malapa a sekeresete. Rre Keatlholetswe a re se ke mmoono wa lephata, go tokafatsa matshelo a setshaba se ba se fang ditirelo, a tlatsa ka gore ba tsena mo dikoleng go ruta baithuti ka ipabalelo tseleng, mme dipaakanyo tse di tlaa dira go re go nne bonolo gore bana ba tseye molaetsa fa ba rutwa. Mopalamente wa Kgatleng Botlhaba Rre Moagi Molebatsi o kopile Batswana go obamela melao ka e le yone e e thusang puso go tsamaisa lefatshe. O tlhalositse fa ba tsenelela ditshupo tse di farologaneng go bapatsa dinkgwana tsa bone mme ba rutane maele le ba bangwe. E ne ya re ka Matlhatso, mokgatlho wa Botswana Homeless and Poor People’s Federation (BHPPF) wa tlhatlhelela banni ba Moroka ka botlhokwa jwa go boloka madi. Ba Goo-Tawana ba a itharabologelwa A re batho ba le 124 ba kgonne go thusiwa ke ba boipelego, mme ba kgonne go rutuntsha ba le 62 mo ditirong tse di farologaneng jaaka go dira moriri, kapai ya borotho, go roka, go apaya le go rekisa dijo. Ba tlhalositse fa batho mo motseng ba na le kgatlhego mo go se ba se dirang mme ba re barotloetsi ba bone ba popota ke batho basweu ka jaana ba ne ba reka difala le ditlatla ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo gone kwa Sherwood Market Day. Mme Temane-Temane o rotloeditse ba ba neng ba tsene tiro eo, ba bontsi jwa bone e neng e le bomme go lemoga fa go boloka madi, segolo jang letsatsi le letsatsi go na le maduo a mantle a mo tsamaong ya nako a ka ba thusang go fitlhelela ditoro tsa bone go sa kgathalesege gore di bogolo bo kae. O tsweletse a supa gape gore ba na le kgwetlho ya metsi fa e sale go gokelwa dipompo tsa dikarata. A re mo isagong o ikaelela go dirisa letlalo la mmantota (natural leather) go dira dilwana ka a tlhalosa fa batswakwa ba rata bobe dilwana tse di dirilweng ka letlalo leo. A re gompieno makhanselara ga na nako e ntsi ya go rerisanya ka dikgang tse di amang batlhophi ba bone ka go le gantsi ba patelesega go akgela mo pegong e modulasetilo a ba e beileng pele. O ne a leboga mopalamente go bo a bone go tshwanela go tla go ba baya pele mananeo a a dumalwaneng kwa palamenteng a supa fa kgaolo ya bone e aparetswe ke dikgwetlho tse dintsi. Mo potsolotsong, mapodise a Tutume a boletse fa e rile ka Mosupulogo ba kuelwa mokgosi, o o neng o ba tsibosa fa go na le setopo se se senyegileng kwa sekgweng gaufi le kgotla ya Magapatona. A re gape o ne a na le thotoetso e e nitameng go tsweng mo botsading jwa gagwe. O boletse fa puso le lephata la gagwe ba lwantsha ntwa kgatlhanong le tlala, letlhoko la ditiro le gore Batswana ba nne le dijo tse di lekaneng, jaanong sebe sa phiri ke gore ba ithetse moriti o tsididi fela ba batla ba direlwa e se nama. Puso e lebogela seabe sa batsadi ba ba tsereng boikarabelo jwa go tlhokomela le go godisa bana ba masika le ditsala ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi. Mokwaledi wa khansele ya Legare, Rre Godimo Garegope, o kopile babereki ba khansele potlana ya Tutume go nna seopo sengwe go tsholetsa serodumo sa kgaolo ya bone. Banni ba Tonota ba rotloeditswe go nna le seabe mo go lwantsheng HIV/AIDS. A re ba kabo ditsha ba setse molao le ditsamaiso tsa molao motheo morago a tlatsa ka gore go ipaya fela ke molato go ya ka molao le ntswa go na le mabaka a a tlamang go dira jalo. Rre Reatile o ne a kopa gore molelo wa kgolagano o golaganye baruti gore go seka ga nna le ba ba reng bone ga ba tsene lekgotla la baruti, a re yo o buang jalo a itse gore ga se yo o agang ke yo o thubang. Rre Seoko o boletse fa bontsi jwa batswakwa ba ba tshwerweng ba fitlhetswe ba bereka mo merakeng le mo masimo, fa ba bangwe ba tshwerwe ba gweba mo Bobonong ka dithoto tse di sa letlelelweng go rekisiwa mo lefatsheng jaaka metsoko le dipilisi tse di thibelang le go senya boimana. Kgosi Masunga o ne a re ba palo potlana ba ba ka dirang tiro e Kgosi Magapatona a e dirileng mme a re kgosi ke mogaka gareng ga bagaka. A re kgaolo eo e faraferwe ke madubadube a dikgang tse di sa rarabologeng ka jaana bontsi jwa batho ba ba amegang ba tsweletse ka go ikgatholosa go dirisanya le ofisi ya gagwe. A re o lemogile fa bagodi ba bolaiwa ke bodutu mme a re se se dirilweng ke kereke eo se molemo fela thata a supa fa go le gantsi bagodi nako ka bontsi ba a bo ba le nosi mo malwapeng. A re gole gantsi batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana ntswa bana le bana eyare go hulareng ga bone, bana ba bone ba sale ele dikhutsana ntswa batsadi bana le dithoto tse bana bao ba ka itshetsang ka tsone jaaka dikgomo, dipodi, malwapa le masimo a gantsi a ikgagapelelwang ka ba masika. O supile fa motlobo oo o fa bana sebaka sa go ithutuntsha kgotsa go oketsa dithuto tse ba sa di fiweng mo matlwaneng a bone a borutelo. Mothusa tautona Rre Slumber Tsogwane o buile jalo pele ga letsatsi la botsalo jwa morena mo metseng ya kgaolo ya Boteti bophirima jaaka a ne a abela bana ba masiela le dikhutsana dimpho tsa keresemose. Mme Berman-Mosime o buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng. O kaile fa bogogi jwa sekole le barutabana ba dithuto tsa bokaedi ba tsere matsapa a go lekola batsadi ba bana ba ba imileng ba dira se ba tshwaraganye le mapodisi, bogogi jwa metse e bile gape ba mo dipuisanyong le ba Child-Line go ba thusa go tlhabana le seemo se. Mongwe wa banni ba masimo ao, Mme Rre Kekgalelmetswe Mojose o supile fa bontsi jwa bone ele batho b aba nnang mo masimo ngwaga goya ngwageng. Fa a tswa la gagwe, mogolwane yo o itebagantseng le tsa pharakano go tswa ko sepodising sa Mochudi, Assistant Superintendent Onthusitse Keitumele o ne a bua a sa kgwe mathe ka dikotsi tsa tsela tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho mo kgaolong ya Kgatleng. Rre Chepete a re kgwebo ya gagwe e mo thusa go lapolosa tlhaloganyo le go phepafatsa tikologo. O kopile batlhophi ba kgaolo eo go tlhopha ntlhopheng oo, a gatelela gore fa ba ka raelesega ba tlhopha phathi e sele e tla a bo e le go itlhaba ka thipa mpeng fela. Superintendent Sitale a re mo tseleng e e yang Sikwane banna bao ba ne ba folosa rre yoo, mme gape ya re kwa pele go bo go fologa banna ba bararo go sala a le mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabongwe yo o neng a sia ka mme yoo kwa a fitlhileng a itseela dikobo ka dikgoka teng. Rre Batshu o ne a re o eletsa go bona ditoro tsa baeteledipele ba Botswana di anama le lefatshe di bo di atlega. E rile a amogela baeng mo phuthegong ee neng e buisiwa ke modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng ka Mosupologo, Kgosi Puleng o ne a supa fa dikgang tse di botlhokwa jaaka tsa mananeo a puso di buiwa mo diphuthegong tsa kgotla, ka jalo a gakolola gore go sa tseneng diphuthego go ka dira gore batho ba salele kwa morago ka kitso. O ne gape a kopa baithuti bao go ikgapha mo dilong tse di tlaa ba itayang tsebe. Mogokgo o tshwenngwa ke go ima ga bana ba sekole Mochudi o rapelela tsela ya A1 Rre Kgathi o kopile ba ba naleng matlo go a tlhabolola gore ba a hirisetse puso. ‘Se rweseng bana morwalo’ A re phepafatso e seka ya nna ya ngwana fela mme go phepafadiwe le yone tikologo e ngwana a nnang mo go yone. O ne a supa fa koloi ya ofisi ya boipelego e senyegile jaanong ba bereka ka go adima dikoloi mo maphateng a mangwe, ka jalo seo se dia ditirelo. Go ya ka Rre Kawina le fa gone morafe o sa dire go lekane go abela ntlo ya ditso didirisiwa tsa setso gone bangwe ba dira go le gontsi. Mo go tse dingwe o supile fa nnotagi mo baithuting e golela pele ka monokela, ka jalo a gwetlha batsadi go nna podimatseba go netefatsa gore bana ga ba rekisediwe ditagi. A re go nale dikgang tsa gore batsadi bangwe ba rekisetsa bana nnotagi, selo se se sa siamang fela thata. Batsadi ka go farologana ba ne ba supa fa ba tletse boitumelo go bo dikeledi tsa bana ba bone di phimotswe. O ne a tlatsa ka gore mo dipalong tse ba setseng ba di gatisitse go supagala fa go ikuela bomme thata fa borre bone ba ikanya go swela fela ka fa teng. Mokhanselara Jautse a re se ke go tshwaraganya setshaba sa Botswana le go tsisa kagiso mme a rotloetsa Batswana go tsweledisa tshwaragano eo le gone gore ditiro di dirwe ka kagiso. Mme Sullivan yo o direlang ko komponeng ya Mascom, o ne a ntsha dikete tse tlhano tsa dipula. O kaile fa baithuti ba sekole seo botlhe ba ka nna makgolo a matlhano le masome a mane go simologa ka mophato wa ntlha go ema ka wa bosupa mme ka ntlha ya tlhaelo ya matlo a borutelo bana bangwe ba tshwanelwa ke go rutelwa mo ofising ya barutabana. Rre Keledi Ntwaagae wa Mmashoro yo o dingwaga di 64 ke mongwe wa Batswana ba ba tswang kgakala ba itsege ka go betla e bile ba itshetsa ka gone. Moruti Ramatshaba a re nako e gorogile gore puso e thusiwe ke dikereke, a bolela gore dikereke di ka tsena ntlo le ntlwana go bona matlhoki, gape ka ntlha e nngwe go le botlhokwa gore mongwe le mongwe a ipotse gore ene o dira eng mo diemong tse, a tlatsa ka gore nako e gorogile gore kereke e thuse puso go isa lefatshe kwa Modimo a le batlang teng. Balekane ba Botswana mo kgaolong ya legare ba tsweletse pele ka go ipaakanyetsa moletlo o mogolo wa boipuso. Rre Kgonkane a re lenaneo le le sa tswang go simologa monongwaga la tirelo setshaba le botlhokwa fela thata ka jaana le tlhamela banana diphatlha tsa mebereko e bile ba tsweletse ka go anya botsipa mo badireding ba maphata a puso a a farologaneng. Modulasetilo o akgola khansele Bangwe ba banni ba boleletse tona gore ditiro tsa ESP di akolwa fela ke dikompone ka gore le fa ba thapa batho ba ba amogedisa madi a a ko tlase. Le fa go ntse jalo, tona o ne a lemotsha badirelapuso botlhokwa jwa bana bao mme a ba kopa go ba thusa ka fa ba ka kgonang ka teng, e seng go tlhola ba ba romile manyonyomane le mapakiwa. Ba BORAVAST ba kopiwa go tlotla kgotla Rre Ntheetsang o gakolotse balemi go tshwara ditshefi ka matsetseleko, ka go netefatsa gore ga di amane ka gope le dijo ka di ka baka malwetse a a farologaneng le gone go latlhegelwa ke botshelo fa di sa tshwarwe ka kelelelo. Mongwe wa banni ba motse, Rre Mogogi Kasefitlhela a re ba lemoga maiteko a puso a go tlhabolola mhama wa temothuo,mme fela ba santse ba ledisiwa ke tlhaelo ya dijo le melemo ya leruo kwa marekisetsong a dijo tsa leruo(LAC). Godimo ga moo, Rre Marcelino a re bana ba tshwanetse go nna ba le phepa ka nako tsotlhe mme e bile batsadi ba netefatsa fa ba tla sekoleng ba jele e bile ba itekanetse gore ba seka ba kgoreletsega mo dithutong. Kgosi Segotsi a re e re ka Batswana ba itumelela dingwaga tse di masome matlhano ba ntse ba ipusa e bile ba ipelafatsa ka go simolodisiwa ga lenaneo la go rudisa itsholelo ga mmogo le go khutla ga tebelepele ya setshaba ya 2016 ka kgwedi ya Phalane, go mo maruding a bone e le baagi ba Mahalapye go ititaya ka thupana go bona gore sengwe le sengwe se tsamaya ka thelelo. O tlhalosa fa go tlhoka lefatshe gape go ba busetsa morago mo ditlhabololong ka ba retelelwa ke go akola mananeo a puso a temo-thuo. O kaile fa se se le pharologanyo mo bogompiekong ka theko e ile kwa godimo le Batswana ba tlotlile go ja merogo fa go tshwantshanngwa le pele, ka jalo a kgona go itshesa le go bolokela isago. O tlhalositse fa mokgwa oo, o dira gore modiramolato a tswelele ka tshenyo. Le fa go ntse jalo, Kgosi Puleng o supile matshwenyego ka dikgwetlho tse di ba emeng pele mo paakanyetsong meletlo eo di akaretsa go sa tseneleleng diphuthego ga banana, letlhoko la madi le tse dingwe. Rre Pema o ne a kopa baruti ba Kanye le tikologo gore ba gatele pele ba seka ba boela kwa morago. Rre Seitsang o ne a tswelela ka go tlhalosa fa dithulaganyo tsa phitlho ya ga kgosi di tsweletse sentle mme tsholofelo ke gore o tla fitlhwa kgwedi eno e le masome a mabedi le bosupa kwa Makopong. Bana le bogole ba rutuntshiwa ka tsa kgwebo O ne gape a re ba lemogile gore dipolaano di dintsi mo kgaolong, mme di bakwa ke ditagi, a ba gwetlha gore ba ikgaphe mo go tsone gore ba tle ba age motse o o itsegeng ka tse di molemo. Re seka ra tshaba gore re tla di amogiwa kana jang ka gore gompieno batho ba reka le go rekisa ditsha. Fa a bua mo bokopanong le badirelapuso ba maphata a a farologanyeng kwa motseng oo bosheng ,Rre Batlhophi a re go lemosega fa batho ba metse e e kgakala le ditlamelo ba saletse morago mo go inaakanyeng le mananeo ka ntlha ya go tlhaelo kitso ka mananeo a puso e a ntshitseng a go ba namola mo lehumeng. O bolela gape gore mabelo a thusa gore ba-tsaya karolo ba itshidile mmele, a tlatsa ka go re go botlhokwa go thibela go na le gore batho ba tsenwe ke malwetse a a sa tshelanweng. Rre Motshegwe a re fa esale ngwaga ono o simolola go fitlhela kgwedi eno, go setse go tlhokafetse batho ba le 199, a kaya fa tsela ya A1 e le yone e e gapang matshelo a batho thata. Moruti wa Spirit Embassy, Rre Peter Ngoma o tlhalositse fa kereke ya gagwe e na le makalana ka go farologana go thusa Batswana lefatshe ka bophara. O ne a tswelela a tlhalosa fa ba tlaa dira dithuto tsa beng ba diterekere go ba ruta jaaka go lemiwa le go ba supegetsa ka fa go thubiwang mangwete le go dira gore mmu o lekalekane ka teng. Mo pulo semmusong ya kgwedi ya merapelo kgatlhanong le bolwetse jwa HIV/AIDS kwa mDitshegwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, moruti wa Independent Assemblies of Botswana, Rre Alec Motlotlegi o boletse gore motho wa nama le madi o lekile bojotlhe go ka senka molemo o o ka alafang bolwetse jwa AIDS mme go padile, ka jalo ke gore go lejwe kwa Modimong ka ke ene fela a le nosi yo a tshotseng tharabololo ya sennela ruri. A re go botlhokwa thata gore batsadi ka kakaretso ba rute bana boitsholo jo bo amolesegang ba sale babotlana ka gore go ka thusa gore ba kgone ba itse molemo le bosula, mme go tle go nne motlhofo gore ba ka hema dikgwetlho tse ba ka iphitlhelang ba le mo go tsone fa ba gola. O tlhalositse fa a rata go lema mariga thata ka dijwalo tsa teng di nonofa ka ga di fesiwe ke letsatsi go na le go lema ka selemo ka di jwalo di e swa bogolo jang ditamati, a re o itsetsepetse mo go lemeng e le tiro ya gagwe ya nako tsotlhe, a tlatsa ka gore o bona dipoelo tse di siameng thata mo go rekiseng pherefere ya gagwe ebile batho ba e rata ba e reka thata. Moruti o itumelela seabe sa banana A re mo nakong eno kgwebo e tsamaya sentle ka a rekisetsa setshaba fela ka kakaretso lone lomepe le le botshe la dinotshi. O supile fa a utlwisiwa botlhoko ke go bona banana ba tsweletse ka go rekisa ditsha tsa masimo ba sa di tlhabolole go akola mananeo a puso a tshwana le la ISPAAD a a tlhamilweng go tokafatsa matshelo a Batswana A re go nnile le tshenyetso setshaba e e lemogilweng, e dirwa ke dikhamphani dingwe. Modulasetilo wa khansele, Rre Reaboka Mbulawa o ne a o amogela le ene a re ba ka o leka mme fa o sa ntshe maduo batla o boela morago. A re molelo wa kgolagano ga o kae kgolagano ya lefatshe fela mme o kaya kgolagano gongwe le gongwe mo go tse di dirang di akaretsa kwa malwapeng le kwa ditirong tse badiri ba thapilweng go di dira. Seo se builwe ke mogolwane wa lekalana la merero ya tsa bong, mo lephateng la pereko le selegae, Mme Poloko Sethono kwa thutothutanong e e neng e rulagantswe ke lephata leo mo Fracistown ka Labobedi. O tsweletse a kopa gore go nne le molao o o laolang ditlhwatlhwa tsa magadi, a re batho bangwe ba na le keletso ya go nyala mme ba felela ba retelelwa, ntateng ya tlhwatlhwa ya magadi. Kgosi Lekgothu o ne gape a supa fa go le gantsi a kopana le dikgang tse mo go tsone mongwe wa baratani ba ba saleng ba nna mmogo a tlhokafala mme morago ba masika a yo o tlhokafetseng ba simolole go tla go lwela dilwana ba ipolelela gore ke tsa ngwana wa bone. Rre Markus a re ba ne ba kopana le Tautona go mo itsese ka seemo sa leuba, a tlhalosa fa jaanong phokoletso ditlhwatlhwa e okeditswe go fitlhelela Seetebosigo. Boeteledipele ke namane e tona ya tiro Bogakolodi bo botlhokwa mo lenyalong O tlhalositse gore morago ga go begelwa kotsi eo, mapodisi a ne a ragogela kwa tiragalo e diragetseng teng mme ba feta ba ragosetsa monna yoo kwa kokelwaneng ya Makopong kwa ba fitileng ba mo romela kwa sepateleng sa Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a tlhokafetse. E rile mokhanselara wa kgaolo eo Rre Molatlhegi Jautse a a fa malebo a leboga Tautona Lt Gen Dr Seretse Khama Ian Khama go bo a tsisa mowa wa popagano mo gare ba Batswana. A re dipone tseo ga di supe dikoloi tse di tsenang mo letlhakoreng mme o ne a kopa ba lephata la ipabalelo tseleng go tsibogela kgang eo a re le yone e na le seabe mo dikotsing. Rre Mosweu o ba gakolotse gore mogare wa HIV o sa ntse o le teng e bile ga o tlhaole, ka jalo a ba rotloetsa gore ba itshireletse ka dinako tsotlhe. O boletse fa kgwebo e se maswe mo go kalo ka a kgona go dira P500 letsatsi ka go sila, P300 ka go rekisa dijo tse a di phuthetseng mme ka kgwedi a kgona go dira P12 000. Re dumalane ka bongwefela jwa pelo, ka e bile e le tshwanelo ya gore o ka bo tsaya, ga go ise go nne le ngongorego epe, a supa. Rre Tshepo Masire yo e leng molemi morui ene o ithaopile go thusa ka kgomo, fa ba lekalana la National Food Technology Research Centre (NAFTRC) bone ba ntsheditse mabotlolo a metsi a le makgolo a mabedi, ba Grace Everlasting Industries bone ba ntshitse mabotlolo a metsi a le masome a mabedi le bone. Ba motlobo wa dibuka wa setshaba mo motseng le bone ba ne ba tsibogela kgang e mme ba netefatsa fa ba nna le dipampiri tsa kgatiso ya tsatsi le letsatsi gore ope yo o eletsang go ka e bala a kgone go e latela kwa go bone. Le fa go ntse jalo, bobedi jo, bo tlhalositse gore fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho, le bone ba lebanwe ke letlhoko la metsi segolo bogolo ka dipaka tsa fa dipula di seo. A re se se ne sa mo thusa le go mo neela sebaka sa go ithuta go le gontsi ka kapei ya borotho. O tlhalositse fa ba Lephata la Botsogo le Boitekanelo mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng le bone ba le malala a laotswe go laola seemo se, a supa fa ba setse ba rutintshitse batho ka bolwetse joo le dikai tsa jone. Rre Phuthego a re puso ka nosi e ka se ke e kgone go direla setshaba dilo tsotlhe. O tlhalositse fa se se le botlhokwa ka bareki ba mafatshe a sele ba rata go dira ditlhotlhomiso ka se ba se rekang fa e le leruo e le go bona gore lo jesiwa ka tsela e e ntseng jang le gore le kentwa ka melemo efe. Re tlaa buisana le ba ba kolotang gore ba dire jang go phimola dikoloto tsa bone. Fa a tswa la gagwe, mokwaledi mogolo wa khansele potlana ya Tutume Rre Lawrence Madzinyane a re maikaelelo magolo a lenaneo le ke go thusa Batswana ba dituelo tse di kwa tlase ga dikete tse tharo go itirela bonno jo bo babalesegileng. O ba kopile gape go ilelela ditlhopho. O ne a kopa tautona go ba fa koloi mme e bile e ne a batla ya gagwe ka jaana ba sokola gore ba thuse setshaba mme gape a supa fa ba tshwenyegile ka batho ba ba thubetsang bomme mo tseleng e e yang kwa sekolong se sebotlana sa Linchwe a re o kopa gore go bewe mapodisi go thusa seemo seo. Kgosi Mosinyi o ne a supa fa go ka nna ga tsaya lebaka gore lephata la metsi le ba tswe thuso ka jaana ba tlhalositse fa ba sa ntse ba kopile madi a go aga tanka eo mme nako eo ba tlaa bo ba sokola ka metsi. O supile fa ba itumeletse dipalo tsa morafe tse di neng di tsene dithuto tseo, mme a tlhalosa gore ba itlamile go isa ditirelo tsa bone kwa metseng e e kwa ntle ga Tsabong. A re go tletse matlakala gongwe le gongwe mo motseng le ntswa khansele e leka go a sela. Mo kgangnnyeng e nngwe, Rre Guma o ne a ikuela gore Batswana ba seka ba rekisa masimo ka a re lefatshe le tlhokwa bobe. Seemo seo se ne sa mo tlama go ya majako kwa Gantsi kwa a fitlhileng a bereka mo marekisetsong a dijo a a farologaneng e le mmaseapei gape e le morekisi. Mme Selagaboy yo o simolotseng go ikamanya le temo ka 2010, a sena go lemoga fa lefatshe leno le farifarilwe ke letlhoko la ditiro segolo jang mo bananeng. Madome o itshetsa ka tlatlana Mme Tshireletso yo e bileng ele mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Mahalapye Botlhaba, o buile mafoko a mo phuthegong ye a neng a e tshwere mo Mahalapye go lekodisa dikgosi le dikgosana tsa motse wa Mahalapye le metse emo tikologong jaaka Setsile, Mokoswane, Kudumatse, Dovedale, Makwate, Shakwe, Taupye, Tewane, Palaa-road le Bonwapitse ka ditirelo tsa lephata la gagwe gammogo le dikgang tse ditshwenyang setshaba jaaka kgokgontsho ya mo malwapeng, go thubega ga malwapa, go nna mmogo ga batho ba sa nyalana le molao kakanyetso wa matimela. Letsatsi le ne la ketekwa ka bokgabane le natefisiwa ka mmino, poko le kapari ya setso mme bontsi jwa badiragatsi e le banana le tshologelo e ne e le e e nametsang. O ne a kopa puso go seka seka go dirwa ga tsela ya Mokgware a re e ka fokotsa mosuke mo tseleng e tona ka batho ba ba yang Serowe ba ka e dirisa go kgabaganya. O ne a tlhalosa fa a kopa dikgethe tsa matsela a a salang mo baroking gore a kgone go dira mekgabisa. Baithuti ba lekwalo la bosupa ba sekole se sebotlana sa Maphorisa kwa Tutume ba kopilwe go itoma molomo wa tlase mo dithutong tsa bone. O boleletse banni ba metse eo fa a lebogela tlhopho ya bone, ka jalo ba tshwanetse go itse gore o ya dirisana le mongwe le mongwe go sa kgathalesege gore ke wa phathi efe. Go sale foo, Kgosi Koitsiwe o ne gape a kgala mokgwa wa gore bangwe batsadi ba bo ba amogela madi a kgodiso ya ngwana mme ba retelelwe ke go dirisa madi ao mo go maleba. O lebogetse thotloetso ya ba lephata la botsogo le boitekanelo ka e le bone ba ba hirisang koloi eo thata. Mopalamente wa Tati Botlhaba Rre Samson Guma o boleletse banni ba Mabudzani mo kgaolong ya gagwe gore ga gona dikgomo tse di tlaa bolaiwang di sena go tshwarwa ka bolwetse jwa tlhako le molomo. A re gore motho a kgone go betla ga a tlhokane le didirisiwa tse dintsi mme o tlhokana le petlwana le setlhare se se omeletseng se tshwana le sa mokoba, morula le motswere mme o tshwanetse a itse gore setlhare sefe se dira eng. Mosadi o falola ka bobi jwa segokgo E re dikgang di eme jalo, Kgosi Salepito a re ba tshwenngwa gape ke dikgang tsa boswa, jalo o tlhagisa banyalani gore le fa ba nyetse ka molao wa Setswana, ba leke go kwadisa manyalo a bone ka gore dinako di fetogile, mogodimo ga moo ba dire mokwalo o o supang gore dithoto tsa bone di lebagane mang motlhang ba hularang. Mo dingwageng tse di lesome le bongwe tse Mme Lekolori a di berekileng mo madirelong a dijo, a re baji-bareki ba ne ba nna ba mo akgola gore oitse go gata diamaleng, mme gape ba mo kgala ba re o humisa bahiri a sa itshimololele kgwebo ya gagwe ka a itse go apaya. Mme Mokgatle a re go botlhokwa gore borre ba dire loaro lwa borre lo lo babalesegileng go fokotsa kgonagalo ya go tsenwa ke mogare. Kgosi Masunga a re Kgosi Magapatona o na le dingwaga di le masome a mararo go ya kwa godimo a ntse a dira jaaka kgosi e e tlotlegang gape o ne a re ba tlaa nna ba itela mo go Kgosi Magapatona fa ba bonang ba tlhoka thuso ya gagwe teng. A re ntswa e le bokopano jwa bomme maloko otlhe a kereke eo a akaretsa baruti le banana ba ne ba kopanela tirelo eo le bone go ba fa thotloetso. Major Ramatlhakwana o bewa jaana morago ga go tlhokafala ga ga Kgosana Mokgophe. A re leina la Bopaganang le ne la tla fa banni ba Phepheng le Ntshutela ba sa dumalane le kago ya sekole kwa motseng oo mme lekgotla la kabo ditsha ba rarabolola kgang eo ka go tsaya tswetso ya gore sekole se agwe mo gare ga metse eo eleng kwa Draaihoek. A re mo ngwageng wa 2013 go nnile le dikotsi di ferabobedi tse mo go tsone go tlhokafetseng batho ba robabongwe fa batho bale masome a mararo le boraro ba bone dikgobalo tse di masisi fa mo ngwageng wa 2014 go nnile le dikotsi di supa, mme mo go tsone ga tlhokafala batho bale lesome le borataro fa bale masome a mane le bongwe ba bone dikgobalo tse di masisi fa monongwaga go nnile le dikotsi tse tharo tse mo go tsone go tlhokafetseng batho bale some. Mo dintlheng tse mopalamente a neng a di baya pele banni bane ba ganana le kgang ya gore go diriswe khupelekhupele go baya ditsha ba supa tsamaiso ya go baya yo o ikopetseng pele ee ntseng e dirwa e siame. Fa a ba kgwa dikgaba mopalamente o supile fa le ene a na le lesokolela ka kgang eo ka gore baatlhodi ga ba itse ditso tsa mmino oo. Ngwana yo o sa tlhokomelesegeng o kgoreletsega mo dithutong Setshaba se itsisiwe gore se ka tswelela le ditiro tsa sone tsa tsatsi le letsatsi fa lephata la Geological Surveys le tsweletse ka go baya seemo leitlho. A re le ntswa go na le dikgwetlho mo go diragatseng mananeo, fela ba ofisi ya Bokone Botlhaba ba supile fa maano mangwe a masha a a pharologanyo a ba a itirelang le gone go tokafatsa ka fa ba dirang dilo ka teng, go ba thusitse go ntsha tlhogo mo dikgaolong tse dingwe. A re barutabana, bodiredi le bana ba sekole ba tshwaraganetse thuto ka tsela e e faphegileng, a supa seo ka maduo a lekwalo la bosupa go tswa kwa moragonyana. Mongwe wa bagwebi ba ba fa gare o ngongoregile ka go sa neelwa ditiro ke makalana a puso, ka jaanong go ganelelwa thata mo bagwebing ba babotlana, a re madirelo a bone a a phutlhama. A re pele bagolo ba ne ba gololesegile go kgalema ngwana mongwe le mongwe yo o tlhokang maitseo, selo se a reng gompieno se fetogile. Rre Motshegwa o boletse fa morafe o ne wa kopa khansele ya Bobirwa go thusa mo kagong ya leobo. E rile a tswa la gagwe, Rre Solly Ketshabathupa yo eleng monana a re o leboga fa erile morago ga lobaka ga felela go kgonagala gore lekgotla la borre le nne teng ka jaana ele gone kw aba ithunang dinta teng. Le fa ntswa go lemogilwe fa matlwana a boitiketso a lefuti a ka kgotlela tikologo ka go leswafatsa metswedi ya metsi ka fa tlase ga lefatshe, kwa kgotlaneng ya Metsiaela gone, seo e nnile tswelelopele e ba saleng ba emetse ka lobaka ka go ne go se ope wa bone yo o kgonneng go e tlhoma mo lwapeng la gagwe. Rre Kgobero o ikuetse mo setshabeng go phuthologa, a tlhalosa fa batho ba sa tshwanela go ineela mo mathateng a a ba tshwenyang ba le nosi kana go a ipeela mo dipelong tsa bone, mme ba kope dithuso tsa tshidilo maikutlo mo dikerekeng, ba boitekanelo le mo setshabeng ka kakaretso. COVID-19 Presidential Task Team has announced the death of a 72 year old man due to coronavirus. Mongwe wa balemi ba Serowe Rre Mogalakwe Mogalakwe, o boletse fa temo e le bokamoso mme e bile e ka namola Batswana mo lehumeng. Rre Ditsele are selo se se neng se ba tiisa moko le go feta ke go bob a ne bas a dire gope mme ban a le bana ba ban eng ba tshwanelwa ke go ba godisa, a tlatsa ka go tlhalosa fa mo nakong eo ba ne ba wela mo setlhopheng sa batlhoki mme ba seka ba letelela lehuma go ka ba hekeetsa ntswa ba na le mabogo a go itirela. O ne a tlatsa ka go re se ke sone se se dirang gore mananeo a seka a dirwa, a bolela gore ba tlaa tsena ntlo le ntlwana ba gakolola morafe, le fa bothata e le gore beng ba malwapa ga ba yo go nna bahirisi fela mme se se dira tiro ya bone thata le go feta. Banni ba Jackalas I ba kgaletswe go sa tla ka dipalo tse di kwa godimo kwa moletlong wa pulo semmuso wa dikago tsa kokelwana ya motse wa bone. Rre Motlokwa a re go dira tiro ya boithaopo mo mekgatlhong e e farologaneng go mo rutile go etelela pele, bopelotelele le go dira ka natla. Fa a amogela thomo, Rre Majaga o ne a supa fa gona le dikgwetlho, a tlatsa ka gore ka tshepho ya Modimo sengwe le sengwe se tlaa boela mannong. Makhanselara ba kopile lephata la tsadiso ya leruo gore ba tshwaragane le ba matlhoko a leruo gore ba tle ba kgone go fefosa tiro ya bone. Se se bakilwe ke gore moletlo o o ne o dirilwe ka Letsatsi le le lengwe le maitiso a mangwe a mmino mo kgaolong. Mme Oki o buile jalo fa kereke eo e ne e tshwere tiro ya go aba dimpho tse di akaretsang ditlhako, dikobo le paka ya baithuti kwa kgotleng ya Kgwatlheng. O ne a tswelela ka gore mefuta ya go bolaya diji e farologanye,ka bangwe ba tle ba bone go le botoka go dirisa melemo e e bolayang tsone diji tsa go tshwana le motlhwa ga mmogo le bojang. Mo go tse dingwe Kgosi Sue Mosinyi o ne a kopa mopalamente gore a ba boletse gore lephata la ditsha le tsile go baya leng ka ba sale ba sega ditsha mo Bokaa di feta dikete tse pedi mme nako kgolo ke eno. Shoshong o ipaakanyetsa temo Fa a tswa la gagwe, mopalamente Butale yo gape e leng mothusa tona mo lephateng la peeletso, papadi le madirelo o ne a tlhatlhelela banni ka melawana mengwe e e fetisitsweng kwa palamenteng. Ramapodisi o tlhalositse gore dikgang tse di ba tshwenyang bobe ke tsa ditagi tse a reng le kwa dikoleng tse dikgolwane di a rekisiwa ke baithuti. Kgothatso eo e ntshitswe ke mongwe wa barutabana ba sekole seo, Mme Thembi Matshara, ka letsatsi la phuthego ya batsadi ba baithuti ba ba dirang lekwalo la bosupa kwa sekoleng seo ka Labone. Rre Mosimanegape o buile mafoko a kgwedi eno e tlhola malatsi ale marataro fa bane ba ile go lekola batho ba ba neng ba bona dikgobalo le ba ba neng ba tlhokafala mo tseleng ya A1 fa bese ya Khanda e neng e tswa Francistown eya Gaborone e thulana le koloi e nngwe kwa Mmamabula kgwedi e fetileng ele masome a mararo. O kaile gore o fitlhetse boora Makgolwane ba ba nnang ba le lesome le bongwe ba nna mo seemong se se sa iketlang. O ne a leboga go menagane batsadi ba ba tlhokomelang bana ba. Tona wa lephata la boagedi le bong, Rre Ngaka Ngaka, o kgothaditse banni ba Ghanzi go ema kgatlhanong le kgokgontsho. O gwetlhile batsadi gore ba rotloetse ban aba bone go nna le seabe mo ditirong tsa setso ka se setla dira gore ba gole ba na le maikarabelo mo setshabeng a tlatsa ka gore le botlhoka tsebe boka fokotsega. O boleletse banni fa e le nako ya gore ba nne le botsalano le babeeletsi gore ba kgone go ba thusa mo temong le gore ba ipope ditlhopha gore masimo a bone a agelelwe gore ba kgone go a hirisetsa babeeletsi fa bone ba ise ba a dirise. Mo go tse dingwe, Mme Lefifi o ne a tlhalosetsa batsena phuthego eo,fa lephata la boipelego le itebagantse le go thusa batlhoki, bana ba masiela, ba-na-le bogole, go fa tshidilo maikutlo le go thusa Batswana ka mananeo a a farologanyeng a tshwana le nyeletso lehuma gore ba itshetse. Fa a fa malebo, mokhanselara wa kgotla ya Tsopeng Bokone, Rre Gofaone Kedise o ne a iteela kobo moroko mafoko a banni gore melao ya tsa phiro le pereko e setse e siilwe ke nako ka jalo e tshwanetse go fetolwa. Ba-na-le bogole ba na le tshwanelo ya go ithuta Mme Kgotlayagae o supile fa a tladitse fomo ya ikopelo diphatlha kwa sekoleng seo gore a ye go sugiwa go ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa mophato wa boraro, tse a neng a sa dira sentle mo go tsone ka a eleditse go ipona a fitlheletse kwa sekoleng sa ithutelo ditiro gore a kgone go itshedisa. Kgosi Mosinyi a re ba ne ba ikopanya le ba lephata la metsi go botsa gore matsapa di a tsaya kae mme karabo ya nna gore lephata leo le tsere tshwetso ya go aga tanka e tona e e ka kgonang go ba siela metsi. Leburu a re go tsofala yo o ratang O buile jalo kwa peong ya kgosana, Major Seth Ramatlhakwana wa kgotla ya Morokologadi kwa Malolwane ka bosheng. A re kgaisano e ya dijo e ne e le go kgobokanya madi mme gape e le go kopanya merafe ya bone gore e itsane. Mme Jane a re se se simologileng e le go tshaba lehuma go ne ga fetoga kgwebo e tona e e dirang madi a mantsi ka Mme Jane a kgonne go atolosa kgwebo ya gagwe go rekisa dithoto tsa mefutafuta tse di jaaka maungo,motlakase,mangena, ditlolo,airtime le tsone diapparo tota. A re fa kgang e pala ba tshwanetse ba kopa thuso mo go ba ba lebaneng ba akaretsa ba sepodisi, boipelego kgotsa ditsala tse ba di tshephang. Rre Diphuhang a re o ne a boela gape kwa matlhophelong ka nako ya bobedi mo tshokologong go ya go tlhoma seemo leitlho, mme a fitlhela Rre Kaodimba a tsweletse a ntse a tsamaya le mola a ema ema le ba ba emetseng go tlhopha. Fa a bua ka tlhokomelo ya dinotshi, Mme Khubu o tlhalositse gore ga di matsapa go di rua, a tlhalosa gore mo mosong le maitseboa di a tswa di ya go gama, mme se ga se mo kgoreletse go ka tsewelela ka ditiro tse dingwe go senka letseno le lengwe la madi. Mme Khubu o tlhalositse gore e re ntswa thuo ya dinotshi e se bogadi bo gaufi, bangwe mo magaeng ba tlhabolotse matshelo a bone ka yone. Mo maitekong a go thusana le barutabana mo go ageng setshaba se se rutegileng, batsadi bangwe ba baithuti ba sekole se sebotlana kwa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, ba akgoletswe go bo ba gatetse pele mo go tshwaraganeleng tema ya go ntsha maduo a bana a nametsang le barutabana gore e re ka ngwaga wa 2016 setshaba se bo se rutegile. E re le ntswa puso e ntshitse mananeo go thusa banana go inamola mo lehumeng le letlhoko la ditiro, go santse go na le bangwe ba ba itlhokomolositseng se mme ba inaakantse le go dira ditiro tse di sa eletsegeng mo setshabeng. Busetsang serodumo sa temo - Maele Mme Boingotlo o ne a tlhalosa gore e rile fa ba le kwa dithutong ba kgothadiwa go bereka ka natla le go rekisa dikgwebo tsa bone gore ba kgone go sola molemo mananeo a mantle ao. Ba ne gape ba ngongoregela go bo mananeo a nyeletso lehuma a le bonya go goroga kwa metseng ya bone, ba tlhalosa fa bangwe ba kgona go leta dingwaga di ka nna thataro ba ise ba thusiwe morago ga go dirwa tshekatsheko. A re mo go abiweng ga ditante, go ne ga lebelelwa pele ba ba neng ba amegile thata. O tlhalositse fa barutabana ba tshwanetse go tsisa mananeo a a thusang bana jaaka a kgothatso le go rutuntshanya ga bana ka botshelo. Tona o ne a leboga thata komiti e e thusiwang ke ba ofisi ya ga molaodi le bodiredi jo bongwe jwa puso jo bo akaretsang; badiredi ba makgotla a Setswana le morafe ka kakaretso go dira ka natla, selo se a rileng se a mo kgotsofatsa gore tiro e tlaa tswelela sentle. A re ka sekai, kwa matlhabelong a Lobatse, kgomo e rekwa P32.40kg, fa kwa matlhabelong a Francistown e rekwa P23 mme kwa matlhabelong a Maun gone e rekwa P16 kg. Ntsha se o nang le sone go thusa. E rile go le pele kgosi Ishmael Rakgati a amogela mopalamente le lekoko la gagwe a tswa ka mogopolo wa gore sekolo se sebotlana sa Khurutshe se fetolwe go nna boremelelo jwa dithuto tsa diatla. Mo phuthegong ya tshoganetso bosheng, e tsenwe ke ramopodisi a Mahalapye Rre Isaac Mmamadi, dikgosana le komiti ya ditlhabololo tsa motse ga mmogo le boeteledipele joo ba dumelane go tla ka ditharabololo go leka go kopanya bobedi joo. A re masimo a a sa agelelwang a tsisa kgotlhang mo bathong fa dijalo di jewa ke leruo. Re a Nyalana e botlhokwa Mme ba ne ba tlatsa ka gore ga go ba sologele molemo ka gope go bo ba kentela dikgomo tsa bone bolwetse jwa tlhako le molomo, ntswa morago ga moo di ya go kopana le dinare gape kwa mahudisong ka jaana terata e digilwe ke ditlou. Go gola ga dikgwebo tse dipotlana mo lefatsheng leno go supa diphetogo tsa itsholelo jaaka go fokodiwa ga dithoto tse di dirwang ka bontsintsi, le go gola ga ditirelo tse dingwe tse di di ka kgonwang ke bagwebi ba ba botlana. Rre Phuthego o rotloedise batsadi go sala ditiro tsa bana morago, bogolo jang ka bontsi jwa batsadi bo tsene sekole e bile ba itse botlhokwa jwa thuto. O ne a rotloetsa babereki ba lephata la Matimela go tswelela ba abela ba ba gaisitseng dimpho ka e le gone mo go ka dirang gore ba ntshe maduo ebile ba bopagane. Ba mo abetse dikgomo, dipodi le dikoko go mo lebogela ketelelo pele ya kgaolo mo ngwageng tse di masome mararo. Are bontsi jwa ditiro tseo ga se jo bo tlhokang dikitso tse di faphegile ka jalo go maleba gore Batswana ba di akole. A re go tlhoka go nna le seabe ga batsadi go dira gore bana ba palelwe ke go tswa kwa mephatong e e kwa tlase ka go a bo go sena thotloetso go tswa kwa moding. A re mabaka a go nna jaana a ba kgoba marapo e bile a dira gore babereki ba latlhegelwe ke tshepho mo lenaneong. Mme Gaebolae o ne a supa fa go le letlhogonolo e bile go le molemo go bona ba inaakantse le sekole se se nang le baithuti ba thuto e e faphegileng. Rre Jopi o tsweletse ka gore ene o na le dingwaga tse pedi a ikakanya ka kgwebo ya gagwe ya tsa maranyane le gone gore e ka sologela banni ba motse wa gagwe le e e mabapi molemo jang a sa lebale le tsone dipoelo. O tlhalosa gore pula-madibogo e tlaa nna go tlhoma ntlwana ya seka banka gompieno go fitlhelela boipuso. A re sebe sa phiri ke gore batho ba ba sutisitsweng ke moepo fa ba iponetse phatlha lephata la kabo ditsha le gana go ba baya. Le fa go ntse jalo , dipatlisiso di supa fa kgorogo ya mabentele a go tshwana le ao, gantsi go gomagometsa go nyeletsa bagwebi ba babotlana, mme seo se ntsifatse letlhoko mo malwapeng ka motswedi wa madi o tlaa bo o kgadile. Kopo e, e dirilwe ke Moruti Lesedi Galebotsane wa kereke ya St Phillips kwa tsimolodisong ya merapelo kgatlhanong le HIV/AIDS kwa Letlhakane bosheng. A re tiro e ya go agela batlhoki matlo e ne ya simolola kwa kgaolong ya Mahalapye kwa go neng ga agelwa motlhoki ntlo kwa motseng wa Taupye, mme ga latela kgaolo ya Boteti le gone ga agelwa motlhoki mongwe ntlo. Are se se dirwa ke gore batsadi ga ba tshameke karolo ya bone mo kgodisong ya bana, O supile fa bana ba kopana le dilalome tse di ba dirisang ko dibareng mme a ipotsa gore batsadi ba bana ba ba abo bale kae mo go seo sebaka. A re ngwaga oo o fetileng ba ne ba dirile botoka fela thata ka bane ba bone 53 per cent mme gompieno ba wetse tlase go ya go 35 per cent. O boletse fa batsadi ba tshwanetse go lekola bana kgapetsakgapetsa go tlhola gore ba dira jang mo dithutong tsa bone ka seo gape se ka thusa gore ba tsenye marapo mo dinameng, go ipetlela bokamoso jo bo eletsegang. Mme Kruger o supile gape gore e le mmatoropo le makhanselara a gagwe, ba itlamile go direla setshaba sa toropo ya bone ka botswapelo ka jalo ba itshegetse dielo go bona gore ba isa ditirelo kwa setshabeng le gone go itseela ka tsebe matshwenyego le dikeletso tsa bone go bona gore ba ka atolosa ditirelo tsa bone ka tsela e e faphegileng ba setse dikeletso tsa morafe morago. A re go maswabi go bona bagolwane ba maphata a puso le khansele ba palelwa ke go tsena diphuthego tsa ipabalelo tseleng e bile ba retelelwa ke go romela baemedi kwa diphuthegong tseo le mororo ele bone ba neetsweng boikarabelo jwa go tsaya ditshwetso tse di ka tswang di ama maphata a bone. A re go dira jalo go supa maikarabelo le maitemogelo a go itse gore o tshwanetse wa ruta ba ba kwa morago tiro gore e re motlhang o hulere go bo go sena sekgoleretsi. O supile fa mo nakong ya gompieno batho ba le masome a mabedi le bone mo lekgolong ba setse ba kwadisitse ditsha kwa motseng oo. Fa a ntsha la gagwe, mopalamente wa Tonota Borwa, Rre Pono Moatlhodi o rotloeditse bomme go nna ba le palo ya go ya kwa go bo botlhano go lwantsha kgokgontsho e e ba tlhagogelang kwa masimo. Monni yo mongwe, Rre Chika Chobo le ene o tlhalosa fa tsela eo e siame go dirisiwa motshegare mme maitseboa diphologolo di tshwenya mo go yone ka di kgabaganya gone foo. Lephata le ntshafatsa matshwao a tsela A re tsela e nngwe e banni ba tlaa e akolang ke ya Mogoditshane-Gabane-Mmankgodi e e tlaa dirwang e le mela mebedi. Mme Jansen o boletse fa a setse a na le bareki ba le bantsi. Rre Seloi o supile botlhokwa ja go nna le lekgotla la barongwa mme a tlhalosa fa a sa itse gore go pala eng gore le kwadisiwe semmuso ka sengwe le sengwe sa lone se weditswe. A re ere ntswa ba amogela gore go na le dikgwetlho di tshwana le go tlhaela ga dikoloi le tse dingwe, mapodise le one a setse a bone maikgotlho a go tlhoka go thusa setshaba mo go kgotsofatsang. O tlhalositse fa a itshetsa ka go suga le go roka matlalo, mme a supa fa botsipa joo a bo anywile ka nako ya fa ba lephata la thuto ga e golelwe ba ne ba mo isa kwa dithutong tsa go roka diaparo go dirisiwa matsela. Fa a latlhela la gagwe, mookamedi wa lekalana la LEA kwa Masunga, Mme Segakolodi Ntebele o ne a tshephisa fa ba tlaa tswelela ba supa mowa oo, a re ka jalo e tshwanetse ya nna thotloetso mo Batswaneng ka kakaretso, ka seo se ka thusa go dira pharologanyo mo matshelong a bangwe. Clicking Innovation e ruta bana khomputara Tsela ya dinao ga e jese ba Plateau diwelang Fa a amogela ditanka tseo, Kgosi Malope o ne a tlhalosa fa a kile a itela mo go mongwe wa bagwebi ba lebentlele leo, a mmolelela fa go na le letlhoko la metsi mo Kanye. Rre Thiite o ne gape a gakolola batsadi go tsibogela dikgang tsa go kgaoganya boswa ka bonako le ka keletlhoko go itsa go losa bajaboswa, a re se se ka thusa go fokotsa dipalo tsa ditsha tse di sa kwadisiwang le tse di sa tlhabololwang. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana Rre Phemelo Kgwefane o ne a bua a menne phata ka mosola wa go dira mmogo ga batsadi le barutabana mo thutong ya ngwana. Mo potsolotsong le BOPA bosheng, bangwe banni ba ne ba ikopanya le ofisi ya Self Help Housing Agency (SHAA) go tlhaloganya ka lenaneo le le gone go itse mosola wa lone. O tsweletse a re batho ba tshwanetse go itse gore lefatshe leno ke la rona rotlhe jalo fa motho a bona sengwe se sa tsamae sentle golo gongwe o tshwanetse go itsese ba ba maleba ka bofefo. A re o tshwentswe ke tlhaelo ya barutabana ba ba nang le kitso ya go ruta baithuti ba ba nang le bogole. E re go ntse jalo, bomatipane le bone ba ne ba thusa ka go rora mmu o o neng o tshelwa mo molelong go thusa go kganna go jwelela ga one ko tlase. A re sepatela se ga se thuse banni ba toropo ya Selebi Phikwe ba le bosi, mme se thusa le ba mafelo a a mabapi jaaka Bobonong le Mmadinare ga mmogo le dikokelwana tsa dikgaolwana tse di kgakala jaaka Gojwane le Serule. Seno se boletswe mo moletlong o o neng o tshwerwe bosheng ko magosi a neng a kokoane go golola mongwe ka bone Kgosi Jenamo Magapatona ka a leboga tiro ya gagwe ya bogosi. A re se komiti ya ipabalelo tseleng ya kgaolo ya Kgatleng e se dirileng ka go rulaganya letsatsi leo ke selo se se botlhokwa fela thata mme o ne a kopa baeteledipele le baruti go ba rotloetsa dinako tsotlhe. Morago ga dingwaga tse pedi ba dumalana go kgaogana le tsala ya gagwe. E rile a amogela dimpho tseo ka Matlhatso, mogokgo wa sekole seo, Mme Ndinaani Mandevu a tlhalosa fa sekole se ne sa welwa ke seru ka Mopitlo, a tlatsa ka go re ditlhotlhomiso di ne tsa supa fa go ne go na le diphoso tse di diragetseng mo kgokelong ya motlakase mo matlong a borobalo a basetsana. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa khansele, Rre Reaboka Mbulawa o ne a supa fa botlhe ba amilwe ke tiragalo eo mme ba ka seke ba eme pele taelo ya kgotla tshekelo. A re gantsi yo o tlhabilweng thobega o ne a ka seke a fetise dikgwedi tse tharo a sa fola. Moruti wa kereke ya Apostolic Faith Mission Mme Boingotlo Motlhasedi o ne a ba rotloetsa go tsenya seatla mo go lwantsheng mogare ka kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa e bile puso e ka se kgone go lwantsha mogare e le nosi. Kgosi Lorekang o supile fa kago ya diofisi e ne e tshwanetse go dirwa ka ngwaga ya 2004 mme ga nna le tiego ee neng ya ba gwetlha gore e re fa tautona Lft General Seretse khama Ian Khama a etetse motse wa Tsabong ba lelela mo go ene ba kopa kago ya ofisi eo, mme a mo popotha legetlha go bo a reeditse selelo sa bone jaaka e le moeteledipele wa tlhwatlhwa. Go sale foo, Kgosi Mosweu a re baeteledipele ba ba tsamaisang lenaneo la Ipelegeng kwa motseng wa Dukwi ga ba na morero le bagolwane ba motse. Karata e tlaa tokafatsa maduo A re lenaneo le, e tlaa re kgwedi yone e ya Tlhakole e tlhola masome a mabedi le boraro goya ko go masome a mabedi le bosupa le bo le simolola ko dikolong mme go tlaa bo go kentiwa bana ba basetsana ba ba dirang mophato wa botlhano go ya go fitlha wa bosupa, a re bana ba ka go solofelwa fa ba ise ba tlhakanele dikobo ka jalo ba sena mogare o o bakang kankere ya molomo wa popelo o o bidiwang Human PapillomaVirus, ka jalo mokento o o ya go ba sologela molemo thata ka o tlaa thibela gore ba seka ba tsenwa ke mogare o. Kgwebo ya Power Fashions e roka diaparo ka go farologana di akaretsa diaparo tsa manyalo, meletlo ka go farologana, kapari ya itshireletso, di sutu tsa bomme le tsa borre ga mmogo le go baakanya dilwana tse di senyegileng. Fa a tsibogela matshwenyego a bone, mothusa tona o tlhalositse fa mongwe le mongwe a na le keletso ya go bona motse wa gaabo o gatetse pele ka ditlhabololo. O tlhalositse fa ditsheko tse di tsweletseng tseo di tlaa emisiwa Morule a tlhola malatsi a le mararo. Mme Boikgomotso Samakha wa setlhopha sa A re Itsoseng Bagolo Pottery o rotloeditse Batswana go itlhamela mebereko ka ditalente tsa bone go na le go emela ditiro tse ba sa itseng gore di tlaa tla leng. Rre Jibichibi o rotloeditse balemi go dirisa peo ya mmoulo, a tlhalosa fa e siame ka dijwalo tsa yone di sa gole thata mme seo se thusa gore metsi le dikotla tse di mo mmung di lekane. A re go setse go tumile gore Batswana ba bo ba nyatsa ngwao ya bone, ntswa ba mafatshe a mangwe bone ba eletsa dingwao tsa Batswana. Rre Garegope o boletse fa khansele ya Legare e santse e lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya madi mme a kopa babereki go somarela le go amogana didirisiwa. Mo pakeng ya mariga, serame mo Kgalagadi e a bo e le se se phatlolang letlalo la mmele. Rre Mothoagae a re ba bereka ka natla le bonokopila ba tlogetse ditiro tsa bone kwa malwapeng go bona gore ba tlhabolola dikgotla tsa bone mme ba tshwanetse go akanyetswa, a tlatsa ka gore le tsone dikatso tse ba di fiwang di tla thari. O ne gape a lebogela go tsibogela matshwenyego a bone a metsi a re kompone ya metsi e eme ka dinao go ba thusa. Announcing the death on BTVCOVID-19 update programme, Director of Health Services, Dr Malaki Tshipayage the man had been admitted at Sir Ketumile Teaching Hospital. O supile gore le ntswa matlo a a hiriseditswe badirela puso, mangwe matlo ga a dirisiwa ka a sena dibata tse di tlhapelang. O ne a itela mo go bone gore ba tlhokomele leruo la bone le go itse gore le kae ka dinako tsotlhe mme o ne gape a ba gakolola fa dijalo le maungo mangwe a na le bolwetse, ka jalo a ilediwa go tlodisediwa mo lefatsheng la Botswana. A re dikereke di tswa kgakala di tshwaraganetse mathata le puso, go bona gore Batswana ba ba dikobo dikhutshwane ba ka thusiwa jang. Kgosi Maforaga o buile seo mo phuthegong ya kgotla e e neng e rulaganyeditswe go rotloetsa morafe go busetsa serodumo sa ngwao mo motseng. Bishop Lephogole o ne a supa fa le Baebele e gatelela kgang ya bojalwa fa bo sa siama a fa sekai sa ga Noah gore o ne a felela bana ba gagwe ba mmona a sa ikatega ka ntlha ya go itontela bojalwa. O bile a bolelela kgosi Kebapetse Telekelo gore fa ba batla baruti ba teng nako nngwe le nngwe. A re bogosi bo tshwanetse go tlotlwa jaaka puo ya Setswana e buwa e re Tlotlang kgosi le boife Modimo.’’ Re Masisi a re puso e tsaya tsia Bogosi, mme e bile e tsaya tsia seabe sa Dikgosi mo go ageng setshaba le kagiso e e akolwang ke tshaba ya lefatshe leno, ka jalo a re dikgang tsotlhe tse di ba amang di tlaa gorogo kwa di tshwanetseng go goroga teng. Ditiro tsa boithaopo di ka fa banana botsipa Mopalamente Mzwinila o ne a tsibogela selelo sa magosi a Robelela le Tshokwe ebong bokgosi Phillip Tamocha le Itumeleng Pelotona fa ba ne ba tlhalosa fa bogodu jwa dikgomo bo ile magoletsa ka dikgomo di kgona go tlodisiwa go tswa kwa Zimbabwe fa dingwe tsa tsone di tsewa go tswa Botswana go tlolela kwa Zimbabwe. O tsweletse ka gore banana ba tshwanetse go dira dipatlisiso tse di maleba, ba lebile gore ba rata eng e bile ba kgona go dira eng, ba sa lebale le lone letlhoko mo kgaolong ya bone. A re se ne sa supiwa semmuso malatsi pele ga go ketekwa dingwaga tse di masome a matlhano Botswana a ipusa. O tsweletse a bolela fa pitso eo ele ya bobedi ka gonne ya ntlha e ne ya seka ya atlega ka gore batho bangwe ba ne ba akanya gore baya go tshwarwa le mororo a ne a leka go ba thusa. Mogolwane wa lekalana la bojanala la Botswana Tourism Board, Mme Tshoganetso Ponoesele o gwetlhile banni ba Sepako, Manxotai, Maposa le Nata go simolola go ipaakanyetsa letsatsi la Makgadikgadi Epic le le tlaa nnang ka Lwetsi gore le tle le atlege. Rre Tobokwani o ne a bolela fa go simolodisiwa ga dikatso tsa maloko a dikomiti tseo go ka ba tiisa moko ga ba ga dira gore ba dire le go gaisa ka fa ba ntseng ba dira ka teng mo go betleng bana le mo go thusa dikole go ntsha maduo a mantle. Komiti e kopa kemo nokeng Rre Moribame yo gape e leng mokhanselara wa Molalataua re khansele gape e kgonne go fetsa matlo a le borobabongwe a a neng a saletse kwa morago a ngwaga wa 2012 a batho ba ba neng ba amilwe ke dibetso tsa tlholego le a tlaleletso ale matlhano mme otlhe a abetswe beng ba one. Beng-gae ba gakatsa mathata Kgosana Sephiri o ne a tlhalosa fa didikadike tsa batho di latlhegetswe ke matshelo fa di dikadike di le masome a mararo le bosupa di tshela ka mogare lefatshe ka bophara. Fa a tlhalosa, Rre Molatlhegi o supile fa molao wa gompieno o sa letle gore fa Motswana a ka bona boagedi kwa mafatsheng a sele a tswelele a tshegeditse jwa Botswana. Ramapodisi o rolela dikgosi mogopolo Bangwe batsadi fa ba fiwa boikarabelo jwa go nna le ngwana ba nna le mokgwa wa go ka mo ikgagapelela, ba itsa motsadi yo mongwe sebaka sa go ka amana le ngwana. Rre Maele o ne a akgola ba ba thusitseng Partners Maintenance go lemoga lolwapa loora Makgolwane. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Ditsele o tlhalositse fa nako ya a simolola temo ya merogo, balemi ba merogo ba ne ba se ba ntsi mme se ya bo e le sebaka sa go ka simolola kgwebo ya motlhale o, mme e bile e le kgwetlho ka Batswana ba ne ba sa tlotla go ja le go reka merogo ya sekgowa. E ne ya re fa a tswa la gagwe, mogolwane mo lekalaneng la Out of School Education and Training (OSET) le le itsegeng ka leina la Thuto ga e golelwe, Rre Meshack Kgopana a kaya fa lekalana leo e le lengwe la a lephata la thuto mme maikaelelo a lone e se go isetsa bagolo fela thuto. Fa a gatelela masisi a ba tsaang dikgang tsa botsogo ka one, Lt. O gwetlhile balemi go naya masimo a bone lerato a tlatsa ka gore tshimo fa o e rata le yone e a go rata ka jalo e go neele dijalo tse di molemo. A re dilo tse dingwe tse di tshwenyang puso ke borukutlhi le tiriso ya diritibatsi, mme a kopa batsadi go bua le bana go ikgapha mo dilong tseo, ka di ka ba senyetsa bokamoso. A re o eletsa gore ba lephata la kabo ditsha ba mo abele setsha sa kgwebo, a tlhalosa fa a batla dithuso tsa madi tse di ka mo kgontshang go godisa kgwebo ya gagwe go nna le marekisetso a e leng a yone. O lema spinach, rape, carrots, kwii le green pepper ga reng ga merogo e mengwe. Moruti Motlotlegi yo gape e leng mooki kwa kokelwaneng ya Ditshegwane, a re go supa sentle fa Modimo a tshotse pholo ya bolwetse jwa HIV/AIDS ka jaana mo nakong eno bomme ba ba tshelang ka mogare wa HIV ba kgona go ima ba bo ba tshola masea a a itekanetseng a sena mogare oo le gone gore ba kgona le go amusa ka lebele mme ba feletse ba sa fetisetse mogare kwa maseeng a bone. Ba ne ba bua gape gore keletso ya bone ke gore puso e simolole ditlhabololo mo metsaneng e e saletseng kwa morago jaaka wa bone. O supile gore sekole sa bone se dira sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa, ka gore ba ne ba tsere maemo a ntlha ka 2016, ba tsaya maemo a botlhano ka 2017,mme ka 2018 ba tsaya maemo a bobedi mo dikoleng tse di masome mararo le bongwe tse di mo kgaolong ya bone. O ne a supa fa kgwebo ya bone e simolotse mo ngwageng o o fetileng ka kgwedi ya Sedimonthole. A re maikaelelo magolo a phathi ya BCP ke go tsholetsa maemo a mololwane wa Zanzibar le go ntsha ditlamelo tsa ditsha go tswa kwa kgaolong ya Tswapong go di isa kwa kgaolong ya Bobirwa, le tsone dithuso tsa temo thuo, banana le tse dingwe go tla mo Moletemane. Rre Ookeditse Mogwera wa Maunatlala o ne a re Batswana ba tshwanetse ba lebogele dikgosi tse tharo tse di neng tsa ya go kopela lefatshe leno tshireletso kwa go Mmamosadinyana ebong Kgosi Bathoen wa Bangwaketse, Kgosi Sebele wa Bakwena le Kgosi Khama wa boraro wa Bangwato. Phuthego eo e ne e tsenwe ke mothusa mokwaledi mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Duke Masilo, molaodi wa Kgalagadi Rre Patson Dibotelo, Kgosi David Toto II le Kgosi Isaac Titus le modulasetilo wa khasele ya Kgalagadi Rre Meleko Thumpe. O boletse fa le ofisi ya ga Tautona le yone e tshwere kagng eo ka jaana banni ba ne ba ikuela bosheng jaaka Tautona a ne a buisa phuthego ya kgotla mo kgaolong ya bone. Fa a latlhela la gagwe, mogolwane go tswa kwa sesoleng kwa Francistown, Lieutenant Colonel Nicholas Motswagole, o ne a supa fa ba tseetse kwa godimo mokgosi o puso e o tlhabileng wa gore Batswana ba nne tshaba e e tshegetsanang. Rre Kaboeamodimo o ne gape a re o leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo lenaneong le, ba ba akaretsang makalana ka go farologana, dikereke le ba bangwe. Letsatsi le le ne le tshwerwe ka tlhogo e e reng: Go atolosa seabe sa sechaba mo go lwantsheng bogodu jwa leruo go ya ko ngwageng wa 2016. A re ba bosekisi ba iphetlhela mosekisiwa ka jaana tiego e teng ya dikgang tsa go belaelwa ka bogodu jwa leruo ga mosekisiwa yoo go dirwa ke boitseme jwa bosekisi. Ka jalo, o tlhalositse fa ele maikaeleleo a OYEBO go epa banana ka methale e e farologanyeng gore ba kgatlhegele ditlhopho tsa setshaba. Rre Maele o ne a akgola khamphani ya Partners Maintenance go bo ba bone go tshwanela gore ba agele boora Makgolwane ntlo ya dikamore tse pedi, ntlwana ba bo ba ba rekela dikobo le diaparo. A re tiro e ba e dirileng ka go atolosa kokelwana ya motse oo ga e gakgamatse ka makalana a a farologaneng a sesole sa Botswana a nna gangwe le gape a otlolola letsogo go thusa setshaba le go fokoletsa ba ba tlhokileng lesego manokonoko a botshelo. Mothusa molaodi wa Lobatse, Rre Ernest Phiri, o gakolotse morafe go fa pina ya setshaba tlotla e etshwanetseng. Ntau o tlhokomela loruo ka tshetlho Mme Mosinyi o pakile fa tiro ya diatla mo malatsing ano e le yone konokono go ka ipetlela tsela e e molemo ya botshelo mme a gwetlha banana ka ene go itsosa. Sitang o rotloetsa banana go itshetsa ka talente A re bana bangwe ba na le leruo mme batsadi ba bone ba itse fela sentle fa bana ba bone ba ise ba reke leruo leo mme ga go ba tshwenye. Fela lerato le maikaelelo mo go se ba neng ba eletsa go se dira ya nna tsone di ba tiisang moko go sa leba kwa morago ka ba ne ba na le tshepo ya gore motlha mongwe ba tlaa atlega. Rre Kelelekilwe a re banana ba setse ba kgona go lala nageng, mme a re ba tshoga gore boitaolo jo bo tloga bo tsisa dikgang tse ba sa di tlwaelamg jaaka tsa dipolaano tsa baratani. Bagolwane ba khansele potlana ya Serowe, ba patilwe ke badiri ba lephata la botsogo le boitekanelo, ba boloditse letsholo la go gasa molaetsa wa thibelo kanamo ya mogare wa corona. O tsweletse a supa gore molao o wa kgokgontsho ya bong o tsentswe ditsetlana tse di fang ba semolao dithata tsa go ka sekisa e be ba bona motsadi molato fa a itlhokomolosa kana a bipa dikgang tsa kgokgontsho ya bana. Tswapong o akotse boipuso A re ba ikgolaganye le ba ofisi ya boipelego go itse ka fa lenaneo le berekang ka teng le go ikwadisa. Go ya ka pego ya metsotso ya bokopano jwa babereki bao jwa kgwedi ya Moranang monongwaga go begilwe fa khansele potlana ya Tutume e latlhegetswe ke dithoto tsa P167 000 go simolola ka kgwedi ya Seetebosigo go ema ka Sedimonthole ngogola kwa lephateng la dipagamo, fa monongwaga go simolola ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha Tlhakole khansele e setse e latlhegetswe ke dithoto tsa P157 700 ka go utswiwa leokwane, dikarolo tsa dikoloi le dibetiri. A re se ke bokao mo setshabeng ka kakaretso, e bile se ka ruta ba ba saletseng kwa morago go tsaya malebela. Are madi ao a mannye thata gore motho o ka tshela ka one. Melato e tshwana le wa petelelo, go amogwa dithoto ka dikgoka le ya tsietso e le yone e tlwaelesegileng go bonwa e diragala mo mebileng e e iphitlhileng go ya ka Superintendent Mogatsaseno. Rre Magagane o supile fa mokatisi a ntshitse lenaneo la gagwe le a solofelang le ka mo kgontsha go itshwarelela mo leking e kgolwane. Bomme ba mapodisi ba rotleditswe go itse gore ba botlhokwa mo tirong ya bone le mo setshabeng ka kakaretso. Kokoano e e ne e diretswe go fa Mothusa Tautona sebaka sa go kopana le go lekola maloko a Ntlo ya Dikgosi. Rotary club e abetse bana dikolotsana O boletse fa tiriso ya ditagi kgotsa bojalwa phetelela e na le ditlamorago tse di tshwenyang jaaka boimana, go sa dire sentle kwa sekoleng, go lwala tlhaloganyo, go ipaya mo kotsing ya go tsenwa ke mogare wa HIV le malwetse a mangwe a tlhakanelo dikobo. Modulasetilo wa khansele eo Rre Bafana Motseothata o supile fa lebaka la gore Rre Moswela a bo a re o mosha le sa utlwale mme a mo kopa go ya go batlisisa gore ke batho ba le kae ba ba iseng ba bone dithuso le gore dijo le melemo e e rekilweng fa di senyegile go ya go duela mang. Rre Lorato are batsadi bana le go amogela dithoto di tshwana le megala ya letheka le dijo tse di tlang ka bana ntle le go botsa gore ba di tsaya kae , a supa fa se ele go tlhoka boikarabelo. Ke ka moo ba neng ba bitsa motsana wa bone Qabo, ba o reelela ka ngwana o. A re o setse a kile a bua ka tshireletsego ya badirisi ba tsela eo, mme ka ntata ya go tlhaela ga madi mo letloleng la khansele, ga go a tsewa kgato epe. A re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o batla go bona Botswana a golela pele, ka jalo ba tshwanetse go ema ka dinao go bona gore metse ya bone e a tlhabologa. A re nngwe mo go tsone ke tsela ya Kubung. A re se se dirilweng ke Rre Botshoma ke thuto mo Batswaneng ba bangwe le dikhamphani gore le bone ba ikiteye ka thupana go thusa puso mo tsamaisong ya puso. Mokhanselara wa Serorome Bokone, Rre Tshokodiso Raboloko o ne a re lenaneo la SHHA mo kgaolwaneng ya PAA le emisiwe ka nakwana go itebaganngwe le motseletsele wa ba ba setseng ba supile kgatlhego mo go lone, go na le go tswelela ka kwadiso le ntswa tema ya go thusiwa ga batho e sa bonale. Kgosi Malope II wa Bangwaketse e rile bosheng a amogela ditanka tsa metsi di le tlhano go tswa kwa Choppies mo Kanye. Kgosi Khuwe a re puso e le nosi ga e kake ya kgona go dira ditiro dingwe ka lebaka la tlhaelo ya madi, mme a re se ba se dirileng ke go leka go imolola puso morwalo, ka jalo a ba akgola go tswa ka moono o o ntseng jalo. Kgosi Moatshing a re go tlhokana le gore kgotla ya Metsibotlhoko e tsholediwe go nna le mapodise le mothusa kgosi gammogo le mokwaledi wa kgotla gore batho ba tseye ditlamelo di tshwana le go rurifatsa meriti ya ditlankana gautshwane gammogo le tse dingwe tse di sa dirweng mo Metsibotlhoko. Rre Besson o ne a gwetlha batsadi go nna seopo sengwe ka go nna le tshwaragano le tirisanommgo ka seo e le sone se ka ba kgontshang go ntsha maduo a a kgatlhisang. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke lekgotlana leo kwa motseng oo bosheng, Kgosi Maruping a supa fa a itumeletse se ba kabo ditsha ba se dirang e bile go supa fa ba direla dilo mo pontsheng. Makhanselara a kgaolo potlana ya Boteti ba ngongoregela tiego ya dituelo tsa beng ba leruo ba ba rekisetsang lenaneo la LIMID le la nyeletso lehuma. A re ba itemogetse fa e le kgwetlho mo lephateng la bone go tlhwaafalela kgang ya go ruta batho ka metlhale ya go kgokgontshiwa Mme Lenah Baitirile, mogolwane mo ofising ya bong gone kwa Tsabong, a re lefatshe la Botswana le tsweletse ka go dira melao e e lekang go fedisa kgokgontsho ya bomme le bana; jaaka molao wa kgokgontsho ya mo malwapeng wa 2008 le molao wa bana wa 2009 le e mengwe. A re ba ka tlhokomela temo ya bone ka go agelela masimo le gone go leta dinonyane ba tsentse moko mo nameng. Kgosi a re seo se ka tlhofofaletsa batho tiro ka e bile mo Gweta ba patelesega go ya go dira ditlankana tseo kwa toropong ya Sowa. O ne a tlhalosa fa go setse go simolotswe go agwa matlo a batlhoki a roba bobedi, e bile ba tlhomile komiti ya ditlhabololo ya motse. E ntse e le mo phuthegong eo, e e neng e itebagantse le maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse kgotsa VDC, maloko mangwe a ne a kgalela makhanselara mangwe go tlhoka go dirisanya sentle nabo mo tirong ya bone. Ba ntshitse matshwenyego ao mo puisanong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng, ba tlhalosa fa selo se, se ba kgoreletsa go tsamaisa dikgwebo tsa bone le gone go dira ditiro tsa tsatsi le letsatsi ka thelelo. Mopalamente o kopa tomagano ya dikomiti, bogogi E ne e rile ka Mosupologo, ratoropo wa Gaborone, Rre Kagiso Thutlwe, a bolelela makhanselara fa go dirisitswe di dikadike di feta masome a mabedi le boraro mo paakanyong ya didirisiwa tsa motlakase. O buile se mo phuthegong ya kgotla ya loeto la gagwe mo kgaolong eo bosheng, mme a re puso e tlhomamisitse se, a bo a supa fa go bonwe molemo o o ritibatsang bolwetse ja tlhako le molomo mo dikgomong. Fa a akgela, mokhanselara Molemi Rakgomo wa kgaolo ya Ramotswa Legare, o ne a tlhagisa lekgotla leo go tlhalefela mapolotiki, a kaya fa bangwe ba ka tloga ba inaakanya le lone go ba senyetsa moono. Mme Kgathola a re mokgatlho oo wa bone o kgaratlhela go tlhabolola ditlhaloganyo tsa Batswana go ba lemotsha fa ba na le bokgoni jwa go itirela. Rre Mosarwa a re go nna teng ga motlakase mo sekoleng le gone go a thusa ka ba kgona go bala go fitlhelela bosigo le gone ka mafelo a beke tota. Are ka bane ba sena madi a go simolola kgwebo e, ba ne ba simolola ka go dira ditiro tsa nakwana tse din eng di akaretsa go tlhagola mo malwapeng mme ere bonyenyane job a bo tshwarang bar eke peo ya merogo ka mefuta ya yone. Ka jalo a gatelela gore golo moo fela ka bo gone go beile bana ba bone ka fa mosing mme ebile ba tla palelwa ke go itshetsa. A re fa mebaraka e e ka tswalela nama ya Botswana, kgongwana e e rekiwang ka dikete di le pedi go ya kwa godimo mo nakong e e ka felela e wetse kwa tlase le go feta le bone ba ba dinalanyana ba ka seke ba e kgatlhegele ka e tlaa bo e sena mosola. O tsweletse a re dingwe tsa ditiro tseo di kgonne go thapa banana ba bangwe. Rre Mosimanegape yo a neng a patilwe ke moanamisa mafoko a sepodise sa Botswana Rre Christopher Mbulawa o kopile botlhe b aba amegileng mo kotsing eo go nna le tsholofelo ya gore ba tla tokafala ka bony aka bonya mo kokelong ya Mahalapye gammogo le b aba huduseditsweng kwa dikokelong tse dingwe tsa lefatshe leno. O tsweletse ka go supa fa ba kgonne go emisa majalwa a a itirelwang mo malwapeng, mme go setse marikisetso a di Chibuku mme le tsone di obamela melawana fela thata Assistant superintendent Lorato a re sa le ngwaga ono o simolola ba itemogetse kwelo tlase ya seemo sa borukutlhi ka dipalo tse di solofetsang. E re dikgang di eme jalo, Mme Madome o tlhalositse fa a lebaganwe ke dikgwetlho di tshwana le go tlhoka lefelo le le bulegileng go tsamaisa kgwebo. Fa a iteela kobo moroko, Kgosi Issac Lebang wa Boikago a re go bua ka go nna mmogo batho ba sa nyalana e setse e kete ba obola ntho legogo, ka batho ba le bantsi ba dira jalo, mme ba na le tlhong ba sa batle go ikwadisetsa ‘Re a nyalana’. Kgosi Omphile o buile se kwa phuthegong ya banni ba Taolajane, e thulaganyo ya yone e neng e le go ntsha leina la yo o tlaa tsayang bogosi. Fa a tswa la gagwe, Mme Agang Ditlhogo a re go supagala fa lefatshe la Botswana le tshwere ka thata mo go godiseng tsa maranyane. Rre Matho o ile a amogela thomo mme a tlhalosa fa a santse a tshwaregile kwa tiro ya sepodisi, jalo a supa fa a tlaa nama a tshwareletswe ke rrangwanaagwe, e leng Rre Oliver Sebele yo a neng a dumelana le mafoko a ga Rre Matho. O tlhalositse fa madi le one e le kgwetlho ka a ka se kgone go nna a ya Kanye beke le beke a re o ya go tsaya mmopa. O tsweletse ka go kgothatsa Batswana go dirisa lenaneo la nyeletso lehuma le la ISPAAD gore ba kgone go dira dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone le go ntsha dijo tse di lekaneng gore lefatshe leno le emise go ikaega ka go reka dijo kwa mafatsheng a mangwe. Somarelang botsogo jwa bana Boeteledipele ga se kgetsi e e motlhofo mme e kailwe e na le beng ba yone. Kgosi Koitsiwe o buile jalo mo potsolotsong le O tlhalositse gore bangwe batsadi ba felela ba retelelwa ke go tla ka tsela e e maleba e e ka ba thusang mo kgodisang ya ngwana ntswa ba sa nne mmogo. Mo potsolotsong, rabanana wa kgaolo potlana ya Tutume, Rre Tlamelo Tsebe, a re se se tsile morago ga go bona bangwe banana ba tsena fela mo dikgwebong mme ba sa itse gore ba simolole fa kae. Mme Twins o ne a re ruta botsipa jwa go roka ka lerato le bopelotelele, ga tlhalosa mme Mosinyi. Rre Motlokwa o tlhalositse fa a ne a kgona go reka didirisiwa tsa kgwebo mme a simolola go dira sentle a dira ditlhako, mabante, dibeke tse di dirilweng ka letlalo la podi le go baakanya ditlhako le dilwana ka bontsi tsa letlalo. O rile motse ope fela o tshwanetse gore o nne le mananeo a nyeletso lehuma a motiya. A re baithuti bangwe ba itumile molomo wa tlase e bile ba solofeditse go dira dintlha tse 48 mo maduong a makgaolakgang. Gape o ne a akgolela seabe sa dikereke se ba se supileng go lwantsha HIV mme a re ba dikereke tse dingwe ba sa ntse ba ikgogetse morago mo bokopanong jwa go lwantsha mogare. Fa a leboga, mokhanselara wa Mogome/Mokgware, Rre Lesedi Phuthego o ne a lebogela khansele go bo e tsweletse ka go ba gopela tsela ya Mogome/Mokgware, a bo a tlhalosa fa lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le ya go aga kgotla ya Mokgware le go e neela koloi. O kaile e le mmino o ba binang thata ka nako ya manyalo le mediro e mengwe. E ne e rile go le pele, Kgosi Kgakgamatso Moletsane wa kgaolo ya Mabutsane a akgola barulaganyi ba lenaneo leo a re le rotloetsa gore batho ba nyalane ka fa molaong. A re go tlhokafala gore go boelwe gape kwa Batswaneng go utlwa megopolo ya bone, mme go tlaa tla lekoko la botona go tla go utlwa megopolo go tswa mo Batswaneng. Dikereke tsa Letlhakane kwa kgaolong-potlana ya Boteti di kopilwe go tshwaraganela go lwantsha HIV/AIDS ga mmogo le go rapelela Botswana. A re mo ngwageng o, komiti e ya go aga setsha sa sekole sa bana ba babotlana, a supa fa ba emetse didirisiwa tsa kago go goroga ka ba setse ba di dueletse. O tlhalositse fa go tswa foo go ya pele go tlaa boa gape go sekasekwa seemo, mme a gakolola barui go fokotsa leruo la bone, segolo jang dikgomo, go hema gore di jewe ke mmu ka ntata ya leuba. Fa a tswa la yo o thusitsweng, Mme Nonofo Radira o ne a supa fa a itumeletse gore o kgonne go agelwa le ntswa a sa bolo go iteka lesego ka 2010. Rre Dipugiso Bokadi a re mo kgaolong ya Ghanzi ba sokodisiwa ke theko ya malengana le gone go a tsenya mo mafaratlhatlheng ka se se imela bodiredi. Morutabana yo mongwe, Mme Ngula Dlaba a re maikaelelo a bokopano joo, e ne e le go tla go tshwaraganela kgalemo ya baithuti le batsadi. Le fa go ntse jalo, Rre Milton o ne a lebogela seabe sa maphata a farologanyeng, a akaretsa bogogi jwa toropo, ba sepodise ga mmogo le lephata la twantsho borukutlhi la DCEC mo go lwantsheng bogosu jwa diteemane. A re o ne a dirisa boloko le mmu go bopa dinkgwana tse dinnye tse di beelang dithunya. Dikgang tsa tlhalo di tshwenya kgosi Rre Chilimba o ne a kopa dikgosi go bua le batho go emisa go rema ditlhare. A re fa motho a tlhokafetse a ne a bereka mme e bile e ne e le motlhokomedi wa ba lelwapa, lekalana la MVA le thusa go tlamela ba a neng a ba tlhokomela. Lobatse le Serule. Rre Kedise o supile fa dituelo tsa babereki ba ba direlang mo dikonterakeng di le kwa tlase fela thata mo batho ba sa kgoneng go ka itepatepanya le seemo sa itsholelo ka jaana ditlhwatlhwa tsa dijo le ditlamelo tse dingwe tsa botshelo di le kwa godimo fela thata. Ba ne gape ba re ka barutabana ba ba tlogetseng tiro ba le tlhaga ba thapiwe go thusa mo go tsa thuto, ba supa fa serodumo sa thuto se wetse tlase ka bontsi jwa barutabana e le banana ba ba rileng ba laolwa ke nnotagi. E ne e rile go le pele a lekodisa mothusa-tona ka tse di ba amang, modulasetilo wa komiti ya balemi-barui ya Jackalas 1, Rre Headman Keetile a supa ngongorego ka tiego ya go duelwa ga beng ba diterekere fa ba sena go lemela batho, a tlhalosa fa seemo se, se setse se dira gore beng ba diterekere ba goge dinao go thusa balemi ka dinako tsa temo. Le fa go ntse jalo, Mme Gare o tlhalositse fa a a ise a thusiwe ka lenaneo lepe la puso. A re go ne ga fitlhelwa mogwebi mongwe a tlhatlhetse ditonki di le makgolo matlhano mo setsheng sengwe a ditshwere makgwakgwa. O ne a tlhalosa fa motse oo o tlhomamisitswe go nna motse ka ngwaga wa 1993, fa kgotla e simolotse go sekisa ka 1985. Mo go tse dingwe, kgosi o rotloeditse morafe go tsaya dikgotla tsa tetlanyo tsia ka go rerisa dikgosi tsa dikgotla tseo dikgang pele ba di isa kwa kgotleng e tona. Mothusa molaodi o ne a tlhalosa fa dikgaisano tseo tsa dikhwaere ele bontlha bongwe jwa ditirelo tse di tsweletseng go ipaakanyetsa go ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome a mane le boferabobedi, tse gape e leng matlhagolatsela ago ipelela dingwaga tse di masome a matlhano Botswana a ipusa. Se se ne se buiwa ke mothusa modulasetilo wa lekgotla la dikereke Bishop Bampoloki Rantsudu wa kereke ya Spiritual Healing Church bosheng fa ba abela balwetse ba ba robaditsweng mo kokelong ya Mmadinare. O gwetlhile batsadi go dirisa sebaka se ba se neetsweng ke puso, bogolo jang mo go tsa botsogo le mananeo a ba ka itlhabololang ka one. Moruti Thapelo Boemo wa kereke ya Healing Waters kwa Francistown a re batho bangwe ba ba iphitlhelang ba tlhakanetse dikobo pele ga lenyalo ba kgona go felela ba le mo seemong se se thata fa ba tshwanetse gore ba tsene mo lenyalong. Modulasetilo o tlhalositse gore fa e sale bolwetse joo bo simologa mafatshe a eme malala a laotswe go bo thibela go balelwa le lefatshe leno, a supa fa batho botlhe ba ba gorogang ba tswa mafatsheng ao bogolo jang la China kwa bolwetse joo bo tlholegileng teng, ba tlhatlhojwa pele ga ba ka letlelelwa go tsena mo lefatsheng leno. Mokwaledi wa lekgotla leo Mme Doreen Kenaleeng, o boletse fa metse e e ka fa tlase ga lekgotlana leo e le lesome le bobedi, mme ba simolotse go kwadisa ditsha tsa kgaolo ya Kweneng ka ngwaga wa 2013, a supa fa metse e e beilweng ka moalo e le motlhofo go kwadisiwa go na le e e beilweng fela. E tswelela e tlhalosa fa maina a tlaa amogelwa go simolola ka nako ya boroba bongwe phakela go fitlha ka nako ya bongwe motshegare, le go simolola ka nako ya metsotso e le masome a mararo morago ga bobedi go fitlha nako ya botlhano maitseboa. Dikgaolo tse di akaretsa Kgalagadi Bokone, Ngwaketse, Ngwato, Ghanzi, Legare, Letlhakane le Maun. Kgosi Segotsi o buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye botlhaba Mme Botlogile Tshireletso kwa Palla Road ka Mosupologo. Mme Ramaribana a re dikole tsa ithutelo ditiro le tsone ga di na ditlamelo tsa go ruta ba-na-le bogole, ka jalo seemo se se ba tima sebaka sa go tsweledisa kana go ithuta sepe se ba se eletsang. A re pula e dikile e kolobeditse dipampiri tsa booki. Modulasetilo wa lekgotla le le neng le dira kago Mme IrisSitayelo a re bomme ba itumeletse gore ba tokafaditse seemo sa bonno samme yo mongwe mme ba dirile seo ka go kgobokanya madi le didirisiwa tsa kago basena go leba moalo wa ntlo eo. Kgosi Kgamane o ne a tlhalosa fa e le tlwaelo ya Batswana e bile e le ngwao gore ka kgwedi ya Phalane go bolotswe letsema go golola balemi go ya go lema kwa masimong a bone gonne nako ya temo e a bo e setse e atametse. Rre Kgabanyane a re ntswa thulaganyo ya dithuso tsa COVID-19 e sa akaretsa malwapa a a thusiwang ka dijo tsa botlhoki le bana ba dikhutsana, seemo se kgona go fetoga, go lebilwe mabaka mangwe jaaka palo e e mo lwapeng ka nako ya tshekatsheko. Rre Mogwera a re boipuso jwa lefatshe leno e tshwanetse e nne kgwetlho mo Batswaneng gore ba tswelele ka kagiso le thokgamo e ba ntseng ba tshela ka yone. Rre Maele o ntshitse taelo e mo phuthegong ya kgotla kwa Shoshong bosheng. Fa a ntsha la gagwe Rre Marutshe are ope fela yo o batlang go tswelela mo go se a se ratang o tshwanetse go tsenya lorato le bopelotelele mo go sone. Rre Ndhlovu a re batho ba tshwanetse go nna ba ipaakantse ka gonne dibetso tsa tlholego di a ipoeletsa, a tlatsa ka go re, ‘fa re sa kgone go di tila, a re lekeng go di fokotsa’ Molaodi wa Chobe, Dr Temba Mmusi a re thuto puisano e, e tsile ka nako e e tshwanetseng ka gonne batho ba tlhokana le thuto ya go laola manokonoko a dibetso tsa tlholego. O kgothaditse batsadi ba baithuti ba sekole seo go tsaya karolo mo thutong ya bana. Kgosi o tlhalositse fa beng ba leruo le le gapilweng ke khansele ba tlaa le golola ka madi. Mo go tse dingwe banni ba Mahetlwe bare ba lela ka tsela ya Lentsweletau-Kweneng, bare ba batla e tshelwa sekonotere. Kgosikgolo ya Bangwaketse Kgosi Malope II, o tlhalositse fa Kgosi Bome ene ele kgosana ya tetlanyo mo kgotleng yoora Bome mme a tloga a tlhatlosiwa go nna kgosana ee sekisang. E rile banni ba a kgwa mopalamente kgaba, ba lebogela thata loeto la gagwe la go ba lekola mme Rre Mpho Ntsimanyana a iteela legofi thitibalo ya sepolotiki sa lefatshe la Botswana, a bolela fa kwa mafatsheng a mangwe go busiwa ka seroophate. Fa dikgang di eme jalo, dipego tse di tswang kwa Ramokgonami di bolela fa batho bangwe ba e neng e le baratani ba bolokilwe ka mafelo a beke kwa Palapye le Ramokgonami. A banni bangwe ga ba kgone go aga matlo a semente mme le fa go ntse jalo, mmu o ba o dirisang ga ba o dire sentle gore o nne thata. Ke simolola ke lema ka pula ya ntlha me ke tlodise gongwe kgwedi e le nngwe fela ke sa leme mme e re kgwedi ya bobedi ke leme gape. Ngwaga wa 2016 ke ngwaga o o botlhokwa fela thata mo lefatsheng la Botswana. A re tiro eo e gwetlha Motswana mongwe le mongwe go ititaya ga thupana gore ba itirele, ba se ka ba leba go fiwa fela. Keitumele o tsweletse a re o na le tshepho ya gore fa batho ba ka itiisa mo thapelong o na le tsholofelo ya gore e tlaa re ngwaga ono o fela dikotsi di bo di fokotsegile kana di fedile. O tlhalositse fa go latlhwa ga metseto e le kgang e e tlhokisang baeteledipele ba lefatshe leno boroko le ntswa ba lephata la botsogo ba tsweletse ka go ruta batho ka tiriso ya metseto eo. Ba re ba santse ba tshegeditse ngwao ya go lema mme ditholo di ba tsenya mowa wa itlhobogo. Mma Moetse o tlhalositse fa mowa wa lerato ba o anywile mo go mooki wa pele Mme Nightingale ka jalo ba ne ba batla go dira se a neng a ka se dira fa a tshela. Mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Motokwe Rre James Ellard o boletse fa kwa kgaolong ya gagwe go setse go kwadisitswe ditsha di le masome a matlhano le borobabobedi mo lekgolong, a supa fa ba na le dikgwetlho tse dintsi tsa ditsha tse go sa itseweng beng ba tsone, tse dingwe e le tsa batho ba ba tlhokafetseng mme bana ba ise ba dumalane gore setsha se neelwa mang, dikgwebo tse di sa tlhabololwang le matlotla le batho ba berekelang kwa ntle ga metse ya bone. A re se ke ka gore fa monna a sa ntsha bogadi bana le mosadi ba tsile go tshelela fela ba dirisa leina la ko gaabo mosadi. Modulasetilo Mpetsane a re go a tshwenya ka jaana dipalo di supa fa banana ba sa ntse ba le maoto a tshupa go dirisa mananeo go itirela dikgwebo. O tlhalositse gore maikaelelo a bone ke go tlhabolola mananeo a tshwana le la go suga matlalo mme ba dira jalo ka go rutuntsha setshaba ka kitso e e tseneletseng ya tiriso ya matlalo. Mme Sethono a re dikgwebo tsa bomme di gola ngwaga le ngwaga a re ba simolotse ka bagwebi ba le lekgolo, mme gompieno ba bua ka ba le lekgolo le sephatlo. Fa a tsibogela dipotso tse, Rre Makubate o ne a re madi a a tswang kwa bankeng ke a kadimo, ke sekoloto sa BMC e seng sa barui, ntswa madi a tlaa bo a tsena kwa dikarateng tsa bone. Banni ba Makwate le Dovedale kwa kgaolong ya Mahalapye ba ikuetse mo go mothusa tona wa merero ya ofisi ya ga tautona, fa ba sa itumelele gore mananeo a nyeletso lehuma a bo a sa tsamae sentle mo metseng ya bone. A re paakanyo e e saletseng kwa morago eo ga se e e tshwenyang ka e le e nnye thata mme kompone eo e tlaa neelwa dituelo tsa yone tse di neng di setse fa e sena go baakanya. Mme Tshireletso o rile ere ka bagodi ba lefatshe leno ba nnile le seabe se se tona mo go sireletseng lefatshe leno le go tsweledisa ditiro tsa ditlhabololo ka boithaopo, ke sone se puso ya lefatshe la Botswana e neng ya dumelana mogopolo wa go atswa bagodi ka sengwe kgwedi le kgwedi le go thusa ba eleng batlhoki ka dijo tsa mophako ele tsela nngwe ya go ba tlota le go ba neela seriti se se ba tshwanetseng. Mogokgo o kaile fa ka 2009, baithuti ba bereketse seelo sa 15%, ka 2010 e ne ya nna 57%, fa ka 2011 ba bereketse 59%, 2012 ya nna 52% fa ka 2013 ba bereketse 62.5%. E re ka jaana loruo lwa gagwe lo le kgakala le ene ka lo nna kwa morakeng o tlhomamisa gore lo fiwa furu gabedi ka beke. Mme Boingotlo o buile a kanotse sehuba ka tiro e ntle e e dirilweng ke Tautona Khama go dira mananeo a go thusa batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng go intsha mo lehumeng la nta ya tlhogo. Mothusa mogokgo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mophato wa lokwalo lwa bone ba le masome a ferabongwe le bone mme bana ba kgaogantswe ka ditlhopha di le tharo e leng Seetelo, Tsabong le Nhake. Gape a re dijalo di jewa ke diphologolo tsa naga.Rre Solomon gape o tlhalositse fa ba itemogetse fa bontsi jwa balemi e le bagolo ka jalo bangwe ba felela ba tlogela masimo ba ya go tlhokomela bana fa batsadi ba bone ba ile ditirong. A re mo e tlaa e bo e le go bolaya monko o o tlwaetsweng ke bana ba teng mme ba felele ba itlhoboga ba tswa mo seolong seo. Kgosi kgolo wa Bakwena, Kgosi Kgari Sechele III, a re, o bone go tshwanela gore a buisane le ba-na-le-seabe ka dikgwetlho tse di tsalang gore maduo a baithuti a wele tlase gammogo le maitseo a bone a a seng mantle. Rre Motlaleng o supile fabatho bangwe ba itlhokomolosa go tlhokomela tikologo le ntswa go le turu go ebaakanya ebile go le thata go e busetsa mo mannong, a re puso e dirisa madi amantsi go alafa malwetse a a amanang le tikologo a a runyang nako le nako jaakakhupelo,letshololo le a mangwe. A re mo nakong eno Batswana ba ba kolotang metsi ba feta 39 600 mme sekoloto sa bone se feta P600 000. Banni ba akgolelwa go dirisa lenaneo la puso Rre Kelosiwa a re o mo laela morafe oora Mongala. Mothusa modulasetilo wa PTA, Rre Reuben Makaka, o lebogetse dimpho tseo fela thata, mme a kopa batsadi go tlhokomela paka eo le go netefatsa gore bana ba apara sentle fa ba ya sekoleng. O boletse fa erile morago ga tiragalo eo, a tlamega go isa manoto a dilwana tse di neng di setse kwa masikeng, a tlhalosa fa tse dingwe di ne di senyegile. A re go tlhoka go dira sentle mo dithutong ga bana ba sale babotlana go felela go dira gore ba ikamanye le ditiro tse di ba senyetsang bokamoso di tshwana le go ima, go itsenya mo diphatsheng tsa go tsenwa ke mogare wa HIV le go itontela nnotagi mme a kaya fa ba itlamile go tsisa pharologanyo mo baneng bao. A re ba na le mealo e le mebedi fela, o o tswetsweng le o o bulegileng go ya ka boitseanape jwa bone jwa dikago. Mookamedi Mothibi o kgothaditse maloko a kereke eo go tswelela ka mowa wa boithaopo, ka boithaopo bo le mosola thata mo ditlhabololong le ditiro tsa kereke ka bophara. Tona Kgathi o kopile banana go dira ka natla mo lenaneong leo, a tlatsa ka gore fa ba ka tshamekela mo tirong ba tla tshwanelwa ke go arabela maitsholo a go nna jalo, bogolo jang ka dikopo di le dintsi tsa batho ba ba batlang go bereka. Mme Kokoro a re fa e sale khansele e emisa badisa dikago, bana ba tlhagela mo sekoleng ba bo ba tsaya dibuka tsa sekole le dirisiwa tse dingwe. A re mo makgethong mangwe babereki bao ba ikanya go kgaogana le puso fa ba romelwa go berekela kwa dikgaolong. E ne ya re a tsibogela dikgang tsa tiego le bonya jwa go diragadiwa ga lenaneo la nyeletso lehuma mo kgaolong eo, mogolane mo ofising ya boipelego mo kgaolong ya Molepolole/Lentsweletau, mme Dineo Segobai a solofetsa fa ba tshwere ka natla go tokafatsa seemo. Kgosi Mathiba gape o kopa morafe go itisetsa leruo la bone go thibela bogodu. O kaile fa se, se sa tlwaelesega ka bontsi bo nna bo latlha dithupana tse ba sa itse mosola wa tsone. Banni ba dikgotla tsa Phaleng le Bokaa kwa Shoshong ba dumelane mo phuthegong e ba neng ba e tshwere bosheng go dira dipopelelo tsa go ngongoregela go tlhoka go rarabololwa ga kgang ya bogosi jwa motse wa bone. Fa a bua mo potsolotsong le A re ntswa ba na le madi mo letloleng la VDC, ba itlamile gore ba seka ba nama ba a dirisitse go tlatsa madi a bone a koleke. Modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, Mme Florah Mpetsane o boleletse phuthego ya khansele ka Mosupologo gore Gulubane ke ene a amegileng thata ka malwapa a le 13 a senyegile, a salwa morago ke Mambo ka malwapa a fera bongwe. Banni ba Kgari le Pole mo kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima ba kopile puso go agela metse ya bone diofisi tsa kgotla. Modiri mo lephateng la boipelogo, Mme Lenah Thebeyakgosi, o ne a tlhalosa fa maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse a tswanetse go dira dingwaga tse pedi fela mme a supa fa molao o mosha o neela maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse go dira dingwaga tse tharo. Ghanzi a amogela letsholo la Monna Tia Go sa bereka ga dipone go a tshwenya Motshwara madi wa lekgotla, Rre Makgekgenene Kwape o ne a rolela batsena phuthego pego ya bone ya madi go simolola ka Hirikgong ka jaana bone ba tlhophilwe kgwedi ya Morule e le tlhola gatlhano ngogola. O boletse fa gape batho ba motse oo ba tlhakaladitswe ke lenyora ka jaana dipolasi tseo di tswaletse didiba tsa metsi ka kwa teng. A re go kgala mo ga metsi go ka felela gape go dira gore dimela dingwe tse di jewang ke leruo di nyelele. A re bana ke bokamoso jwa lefatshe, ka jalo go botlhokwa go tshwaraganela thuto ka go fa baithuti ba lokwalo lwa bone go fitlha ka la bosupa thotloetso e e tlhokafalang gore ba dire bontle mo thuton ya bone. O supile gape fa bangwe ba abetswe lefatshe mo go senang ditlamelo mme ba retelelwa ke go le tlhabolola ka ntlha ya letlhoko la ditsompelo mme ba felele ba ipaya fela gaufi le fa ba ka akolang ditlamelo teng. Molemisi o ne gape a supa matshwenyego ka balemi ba ba ’bete se molangwana go lema ka ditselana, ba re go isa thobo ya bone kwa tlase. Erile a akgela modulasetilo wa lephata le legolwane la kabo ditsha kwa Kweneng, Rre Moemedi Babitseng, o boletse fa leeto la bone e ne e le go tlisa morero mo bathong ba metse e e amilweng ke go tla ga ditlhabololo tsa dipolase tse di segilweng. Fa o le motsadi o tshwanetse go itse ka fa ngwana wa gago a dirang ka teng kwa sekoleng mme se se ka kgonagala ka go ipha nako go kopana le barutabana kwa sekoleng, ga tlhalosa Kgosi. A re ka go tlhoka lesego dikgang tsa boitseme ga di nke di goroga kwa diofising tsa bone gore ba tsenye kgalemo. Batawana ba ipaakanyetsa Tautona O ne gape a supa asa itumelele botho jwa bangwe b aba thapilweng ke kompone eo ka ba kgona go tsena mo malwapeng a batho bas a ba dumedise mme ba tlhamalele kwa di pompon go tsaya dipalo tsa dimmithara. O ne a kopa borre go ikamanya le ditiro tse di mosola eseng go kgokgontsha bomme. A re o dumela gore kago ya kereke eo ke moka e leng ya ga Jehova ka sebelebele. A re bangwe ba rekela ditlatlana tsa gagwe go kgabisa kwa meketeng e tshwana le manyalo mme bangwe ba di dirisa go tsenya dipeo kwa masimong. A re, bolwetse joo, bo jesetsa lefatshe leno mo kgobedung ka bo tsweletse ka go gapa matshelo a batho. Kgosi Tapson Jackalas wa Jackalas1 o lebogetse go bo a ne a tlogela tiro ka bogodi, mme a seka a ganelela mo setilong. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Nchoko a supa fa mo lebakeng le leleele bana bangwe ba koo ba ne ba tlhoka go akola thuto ka lebaka la sekgala se seleele go tswa Mosinki go ya Molepolole kana Thebephatshwa. Modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang moletlo wa phenyo Rre Jonathan Selelo ene o boletse fa ba akanya go ipela ka Seetebosigo. Rre Ramaabya a re kgomo e e isiwang kwa matlhabelong e supa ka botlalo gore ke ya ga mang, mme se se diretswe go fokotsa bogodu jwa leruo. A re o bonye go le botlhokwa go e lema ka dikgomo tsa gagwe di bolailwe ke leuba ngwaga o o fetileng. Go tsena mo lekgotleng, motho o ikwadisa ka Fifty Pula , mme a boloke fifty Pula kgwedi le kgwedi. O dirile jalo kwa phuthegong ya kgotla beke ee fetileng, a tlhalosa gore ke tlwaelo ya Bangwaketse gore e re fa ngwaga o tloga o fela, go bolodiwe letsema gore morafe o ye go lema. A re ke ka moo malwetse a felelang a ipoeletsa. Dr Seretse Khama Ian Khama le go mo lebogela maiteko a gagwe a go tlhabolola matshelo a Batswana ka mananeo a a farologanyeng le go mo eleletsa boikhutso jaaka a tlaa bo a tlogela tiro. Ka Modimo o seke o latlha, o ne a tlhalosa fa ba ne ba atlega, mme ba isiwa dithutong ke ba lephata la boipelego go ithuta go tlhatswa diaparo ga mmogo le go dirisa dimashini tse di tlhatswang. Mogokgo wa sekole seo, Mme Rebaone Maseba a supile fa sekole sa gagwe se ikaegile ka Modimo segolo jang ka se na le bana ba dithuto tse di faphegileng. O tsweletse a re ,147 wa dikoloi tseo di setse di baakantswe mme lephata le ikaelela go kopa tse dingwe go di baakanya le bo le di dirisa. O supile fa moletlo o o ne o tshwanetse go nna ka Mopitlo mme wa tlosolosiwa. Botshoma o itlhaopela go rotloetsa Nyangabgwe Fa a tlhalosa mo potsolotsong kwa Omaweneno bosheng, Kgosi Samuel Bimbo a re bogadi ga se dituelo mme ke tebogo e e dirwang ke monna a leboga boora mosadi go bo ba mo godiseditse mosadi. Bishopo Jakoba o buile se bosheng kwa moletlong wa kereke o o neng o tshwaretswe kwa Mahalapye. Banni ba Tewane ba tlaa letlanya bogogi A tlatsa ka go ba kopa go nna le mowa wa lorato le neelano le gone go amogela maduo jaaka a ntse. O tsweletse a supa fa ele ba bogosi ba tla tseela beng ba leruo le le sailang mo motseng dikgato. Mme Kgotlaetsile a re o ipapatsa ka ditsela tse di farologaneng. Moruti Mogome a re lefatshe leno le tletse ka tshephahalo ya Modimo, ka pabalelo ya gagwe, a re Modimo ga a kgetholole, e bile o lorato. O tlhalositse fa phutho e tsaya malatsi a le lesome le bone. Mokhanselera Metseyabeng ene o ne a galaletsa makalana a botsogo, banana, ba melawana ya khansele le ba ga molaodi a re monongwaga ba ne ba tsibogela diemo ka bofefo go thusa ba ba ba tlhokang thuso ka nako. Dingwe tse ba ngongoregileng ka tsone ke tiego ya go phakisiwa ga batlhoki le bana ba masiela dijo, tiego ya go goroga ga didirisiwa tsa Ipelegeng kwa metsing ya magae, tiego ya go agwa ga diofisi tsa kgotla kwa Shakwe, go atolosiwa ga dikokelwana tsa metse ya bone gore di nne le matlwana a pelegiso le tiego ya go thusiwa ga batho ba ba ikopetseng dithuso ka lenaneo la nyeletso lehuma. E re le ntswa setlhopha sa Letlapeng se tlhatlogetse kwa leking e kgolwane ya Be-Mobile, go bolelwa fa se ne se raletse dikgwetlho. A re gape o ikaegile ka loruo lwa gagwe ka go mo thusa fa mpuru a faretswe ka go reka lookwane lwa sediba kana go thusa mo lwapeng. A re se se gogela bareki kwa kgwebong ya gagwe, e bile ba mo tlele ka bareki ba basha ka ba anamisa mo motseng ka monate wa dijo tse a di apayang ba bapatsa kgwebo ya gagwe. O buile gore batsadi ba tshwanetse ba supa kgatlhego lego nna le seabe thutegong ya bana ba bone. Makhanselara mangwe a Bokone Botlhaba a supile fa a sa itumedisiwa ke tshwetsho ya lekgotla la kabo ditsha ya go thubela banni bangwe ba go tweng ke bomaipaafela. Kgosi Moatshing a re ba filwe matlo a mararo a batlhoki a a tlaa agiwang mo nakong e e sa fediseng pelo. A re go na le dikgang tsa gore kgosi o kgokgontsha mapodisi ntswa e le tsamaiso le tshwanelo ya gagwe go gakolola bodiredi jwa kgotla fa go na le boitseme mo tirong. Rre Chilimba o ile a bolela fa mo ditshekatshekong tsa lenaneo la ditogamaano tsa ditlhabololo tsa bosupa, ba lemogile dikgwetlho di le mmalwa tsa letlhoko la madi le le neng la paledisa go dirwa ga mananeo. Legale, ba atile mogopolo wa go tlhama makgotla mme ba kopa go rutuntshiwa mo go tseneletseng gore ba nne le kitso e e tletseng gore e sere mo tsamaong ya nako lekgotla la bone la phutlhama ka ntata ya botlhoka kitso. Fa ba akgela, batsena phuthego ba ne ba supa fa ele nnete banana ba sa bonale e bile ba sa utlwale tota fa go tla mo dikgannyeng tsa sepolotiki ntswa ba le bantsi ka palo mo lefatsheng leno. Kgosi Kgari o ne a tlhalosa fa mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, go ne ga tshwarwa dipuisanyo tse di telele fa Kgosi Saki a ne a tshwanetse go tlhatlhama rraagwe, mme ga dumalanwa gore rangwanaagwe a mo tshwarelele. Khansele ya Palapye e thusa batlhoki bana ba le 1 851 A re e le ba lephata la botsogo le boitekanelo, letsatsi leo le ba fa sebaka sa go bona bomme Grace Mpofu le Thapelo Million ba a fa bopaki ka fa ba falotseng bolwetse jwa TB ka teng, ba supa fa ba kgonne ntwa eo ka kemonokeng ya ba malwapa a bone le gone go tsaya kalafi ka fa go tshwanetseng ka teng. Gagamatsang seteropo - tona O thalositse fa a setse a diretse kgwebo ya gagwe setlankana bosheng ka thotloetso ya puso, mme se se tlaa mo thusa go ipapatsa botoka le go kopa dithuso mo pusong gore kgwebo ya gagwe e gole. Rre Ramokwena o rile fa TautonaLt. E re le ntswa diphetogo di tsweletse ka go nyeletsa ditiro dingwe tse di rotloetsang ngwao ya Setswana, bangwe bone ba ititeile dihuba gore ba tlaa dira ka gotlhe go tshegetsa ngwao. Banni ba motse ba ne ba supa jalo gore ba ’bete se molangwana ka bogosi joo, ka jalo ba kopa gore kgotla ya ditsheko e rarabolole kgang gore go neelwe yo ka fa molaong e le kgosi tota wa Makopong. A re mo teng ga ithutuntsho eo, go ne go na le banana ba ba setseng ba le mo dikgwebong tse di tsweletseng jaanong ba ba laleditse go tla go nna sekao, ga mmogo le go kgothatsa bangwe ka bone. A re botlhe ba ba eletsang go ba tswa thuso ba ikopanye le bone mme ba ka thusa ka fa ba ka kgonang ka teng. Mopalemente o tlhalositse fa ane a tshwaraganetse puisano e le Dr Tlamelo Mmatli yo e leng Mopalamente wa Molepolole Borwa. Le fa gontse jalo, Rre Moatlhodi o lebogile balemi ba Tonota go bo ba kgonne go dirisa mefuta e mesha ya temo le gone go ntsha dijo tse di nametsang. Mokhanselara Lampy Ngake a re ke maikarabelo a morafe go tlhokomela le go phepafatsa mabitla, a tlatsa ka go re ba nne ba ba itsese mathata a bone go ba tswa thuso go na le go emela diphuthego. Ba sepodise mo Tsabong ba akgolela banni ba motse o seemo sa borukutlhi se se ileng ko tlase sale ngwaga ono o simolola. Tsamaya o ye court nako nngwe o tla sala o gakgametse. O boletse gore le ntswa a lebogiwa ka lemmenyana le eseng la sepe jaana mme ene ke mmueledi wa batho. Go ipaya ditsha go dia ditlhabololo Rre Mavona a re sesupo ke gore gangwe le gape bontsi jwa Batswana ba bonwa ba tlola melelwane go ya go reka merogo le maungo kwa South Africa. A re metseto e ka bakela batho malwetse a tshwana le letshololo le mogare wa HIV gammogo le go tsenya dikgomo bolwetse jwa mabele jo gantsi bo bakwang ke leswe la setho. O ne a supa fa go kukela ga melato ya dititeo tse di bakang dikgobalo di ile magoletsa. Kesekang o akgola lenaneo la banana Bodiredi bo a tlhaela kwa Morwamosu Batlang maano a itshetso-Kwerepe One a tswelela gape a kopa gore babereki ba Ipelegeng ba fiwe diaparo tsa itshireletso ka jaana ba berekela mo diemong tse di diphatsa. O ne a tswelela ka go lebogela balemi ba kgaolo ya gagwe go bo ba ne ba leka ka bojotlhe go lema ka bokete ditema tse di itumedisang mo temong e e fetileng. Le fa go ntse jalo, Kgosi Mosweu o supile fa a sa itumedisiwe ke ka fa mananeo mangwe a tsamaisiwang ka teng. Mme Bagwasi o kaile fa a itumelela tirisanyo mmogo ya mogwebi yo, ka a reetsa dikgwetlho le dilelo tsa bone mme a siamise tsotlhe. O gakolotse gape gore batsadi ba rotloetse bana go kopa thuso fa ba tsaya ditshwetso tse di amanang le botsogo jwa bone le go ba ruta go nna le boikarabelo ka madi a ba a fiwang mme ba seka ba ba fa go fetisa se ba se tlhokang. Kgosi Charles Letsholathebe o ne a re ene ga a bone molato ope mo tsamaisong ya ga malaodi ka a dirile gore bodirelapuso bo ba tswe maoto go ba ela kwa dikgotlaneng, a tlatsa ka go re kana le bone batho fa ba bidiwa ga ba tle go tla go itseela molaetsa. Tiro ya diatla e tshwana le go roka ke nngwe ya tse di ka tshetsang bontsi jwa Batswana. Baithaopi ba rutwa ka dibetso tsa tlholego A re ba itumeletse maduo a lokwalo lwa bosupa ka a supa fa tiro ba e dira, mme a supa fa ngwana yo o nang le bogole a ne a seka a dira bontle ntateng ya gore o ne a tlhoka koloi e e mo isang sekoleng kwa Moroka. E re ntswa kankere e kgona go thibelwa, Mme Modibedi a re bolwetse jo bo tsweletse ka go gapa matshelo. Rre Mokubate o ne a bua a sa kgwe mathe ka dipodi tsa lenaneo la nyeletsa lehuma, a re bone ele ba ba eletsang go tsaya lenaneo le, ba dira tiro ya go batla dipodi, mme e a re madi a go di reka a tshwanetse go tswa, e bo go ngodiega gore beng ba leruo ba itlhoboge. Ke simolotse ke dira ka kiribane, batho bangwe ba ne ba nkgoelela mme ka kgothadiwa ke mme mongwe a nthaya a re kiribana e e ta tsoga e ntheketse koloi, ga tlhalosa Rre Thokwane. Mme wa dingwaga tse 77 wa kgotla ya Bogosing kwa Tsabong Mme Seolotlegeng Ntau o tlhokomela loruo lwa gagwe ka go thuga tshetlho go dira furu ka a turelwa ke go reka furu kwa marekisetsong a puso. Rre Mamane a re balemi ba nne ba ya masimong le dintsa tsa bone segolo bogolo ka nako ya maitseboa go emela ditholo tse. A re ba tlhoka diphathi tsotlhe tsa sepolotiki, makgotlana otlhe a dikereke le a mangwe mme a re puso yone e a go fetoga. O tlhalositse fa e akaretsa go betsa, go tlhaba ka thipa, go tladimola le tiriso ya sengwe fela se se ka bakang dikgobalo. Mothusa tona wa peeletso, papadi le madirelo, Rre Biggie Butale a re go botlhokwa gore fa motho a batla go simolola kgwebo a inaakanye le lekalana la Local Enterprise Authority (LEA), go mo thusa le go mo fa maele ka tsa kgwebo. Rre Tese o kaile fa ngwana yo o sa tshwaraganelweng a nna makgasa, mme a seka a dira sentle mo dithutong. A re ya gore motho fa a le kwa kgolegelong a seka a gololwa fa dingwaga tse a di atlhotsweng diise diwele a re eo tota go abo go lebilwe boitsholo jwa gagwe fa a ntse a le mo kgolegelong go bo gotwe o bakile ga nke a boelele mme a utlwelwe bothoko. O tlhalositse fa botsogo jwa ngwana e le maikarabelo a botlhe, a supa fa bana ba beile mo batsading ba bone go ba neela tlhokomelo e e tshwanetseng. Mme Mpole o boletse fa a rekisa tse a di lemileng go bona dipoelo le ntswa bothata balemi mo kgaolong ba le bantsi mme mmaraka wa go rekisa o le monnye ka jalo a itlhophetse go tsamaya mo motseng a rekisa ditamati le morogo wa gagwe mme di rekiwa sentle dipoelo di nametsa fela thata. Morago, Dr VensonMoitoi o ne a abela sekole sa Mokgware paka ya metshameko le dibolo di le lesome, fa ba Mogome bone ba ne ba bona dibolo fela. Kgosi Ketlogetswe a re go tlhoka bodiredi joo mo motseng go a ba babalela ka jaana dirukutlhi di itirela go rata le go kgona di sa tshosediwe ke sepe, a tlatsa ka gore e ne ya re bosheng jaana ba welwa ke seru sa diphefo tsa matlakadibe, tse di neng tsa rutlolola leobo la kgotla. Go kaiwa fa seemo sa ditsela mo kgalong potlana ya Letlhakeng ga mmogo le tsamaiso ya metsi ya Water Utilities di tshwenya thata. Ke dumela gore o tlaa dira ka botswapelo, ga tlhalosa Rre Kwelagobe Mokwaledi wa BDP, Rre Mpho Balopi a re go botlhokwa go tlhopha Rre Phuthego ka gore o setse a itshupile ka ditiro tsa gagwe gore o kgona go rongwa. Rre Boko o ne a re Batswana ba na le tshwanelo ya go babalesega le go itshetsa e seng tshwanelo ya go tshela fela. Rre Elias a re bontsi jwa ditlamelo tsa puso di santse di le mahala, ka jalo botlhokwa go di dirisa. Monni yo mongwe, Rre Ketshepamang Monnaesi le ene a re o tshwentswe ke dipalo tse di golelang pele tsa boimana mo baneng ba basetsanyana ba ba santseng ba le kwa sekoleng. O tsweletse a tlhalosa fa lenaneo le, le kgatlhile dikole tse dingwe mo ba setseng ba tla kwa go bone go tsaya malebela. Le fa go ntse jalo, motse wa Robelela o ne o tlaa bona ditlhabololo di tshwana le go gokelwa ga motlakase kwa kgotleng le tse dingwe. Ba ba thusa ka dijo, diaparo le dikobo. Bokhutlo O supa fa se e le sone se bakileng tshologelo e e kwa tlase e ba e boneng. Kgosi a re ba lekile go batla tlhaloso mme nako kgolo ke eno. O tsweletse a bolela fa lenyalo le le tlhomamisitsweng ka fa molaong le efa banyalani seriti le tlotlo gape le bopaganya setshaba, a gatelela gore lenyalo ke motheo wa lelwapa, tshegofatso e e tswang kwa Modimong, ka jalo a kopa banyalani go tlotla malwapa a bone. O ne a tshepisa fa banni bao tlaa bona thuso go simolola Motsheganong 18. Are botsalano jwa bone bo tlaa tlisa tse dikgolo mo isagong ka ba ikaelela go thusa mokgatlho oo ka kago ko setsheng sa bone,gone ko Sese. Mme Sullivan o ne a rotloetsa batsadi go tsaya seabe mo thutong ya bana ba bone, a re go mo magetleng a bone go bona gore bana ba tsweletse jang ka ke bone bokamoso, a tlatsa ka gore barutabana ba ka se kgone ba le nosi. Mokwaledi wa kgaolo ya Legare, Rre Gaolathe Dipholo a re fa seemo sa madi se letla, e tlaa re ngwaga o o tlang motse wa Nata o fetolwe go nna kgaolo-potlana. O rotloeditse morafe go bega dikgang tsa tshenyetso setshaba, a kgothatsa gape morafe go tsena diphuthego tsa khansele go utlwa baemedi ba bone ba bua ka dikgang tsa setshaba. A re mokgwa o ke go gweba ka ngwana. A re fa lekgotla la OYEBO le ka amogela dithuso go tswa diphathing tsa sepolotiki, le ka tloga la lebega ele la pathi e e rileng mme banana bangwe ba felele ba le tlhoboga. A re topo ya thekiso ke gore sepe se se rekisiwang e tshwanetse ya bo e le sa boleng jo bo rileng mme e bile o ka se latedisa kwa moding wa sone. A re fa go lengwa sentle ka ditselana thobo e nna botoka e bile molemi o kgona go tlhagola sentle a tsamaya mo ditselaneng tse di fa gare ga dijalo le gone go tshela chefi mo dijing. Rre Sebigi o rotloeditse bomme go tokafatsa le go itsise ba bangwe mo mafelong a a farologaneng, go ikoketsa, le go gagamatsa dithuto le kitso tsa tiro e ba e thapetsweng. A re e sale a fiwa dikgomo tse,o tshwere ka thata go di tlhokomela ka e le jone botshelo jwa gagwe,mme a supa fa di tsweletse ka go ata ntswa go na le kgwetlho ya malwetsi a leruo. Kgosi Mangongorego o tlogela mosadi le bana ba basetsana ba le bane ga mmogo le rragwe le mmaagwe. Sekolo se sebotlana sa Nyangabgwe kwa Francistown se ne se tshwere moletlo go amogela Rre Thabang Botshoma jaaka morotloetsi wa sone. O bile a tswelela a gwetlha banana lefatshe ka bophara, go tlogela mowa wa gore temo thuo e a berekisa e na le dikgwetlho. O ne a dira jalo mme a ba kope gore ba mo tlhatswe diatla. A re o itumelela gore phetogo e e dirilweng kwa dikokelwaneng ya gore di seka tsa tswalwa e fokoditse mosuke kwa sepateleng. Phologo o boela mo bogosing A re bangwe ba dirisa metlobo ya dibuka go batlisisa le go ithutuntsha ka dingwao tsa merafe e sele le ka ditso tsa lefatshe leno. O tlhalositse fa mo tshimologong ya bone bane ba rutiwa mefuta le boleng jwa majwe a, le gore a ka ba sologela molemo jang ke Rre Rapelang Nkgowe wa kompone ya Masa Semi Precious Stone. Rre Ganetsang are ga go motlhofo go tlhokomela palo e e kalo ya bana, ka jalo ba ne ba tsaya tshwetso ya gore ba nne le batsadi ba bone ko mekhukhung e e anameng le naga ya Sese ,mme ba tle go tlhapa le go ja ko go ga gagwe mo mosong pele ga baya sekolong ga mmogo le fa sekolo se tswa . Go le pele ke ne ke dirisa dithupana tse go jesa dipudi kana ke efa bafeti ka tsela, mme pheletsong ka lemoga fa di le botlhokwa e bile nka dira seshabo ka tsone, Mme Leuru a latlhela. Rre Mokubate a re bangwe ba ile ithutuntshong ya go dira ga mananeo mangwe, mme fa ba tswa koo ba nna fela go se sepe se ba se dirang ka didirisiwa di le bonya go tla. Fa a ntsha la gagwe moreri wa letsatsi, Rev. Kgosi Bock o buile jalo ka Matlhatso (03/06/2015) mo tswalong semmuso ya letsholo la malatsi a le lesome a ba lekalana la Men Sector la go gasa melaetsa a ya HIV/AIDS, go nwa bojalwa phetelela le tse dingwe. Erile a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng wa Mogodithane bosheng, rre Bashingi a supa fa mo nakong eno ba engwe pele ke dikgang di feta makgolo a mane (400) tse tiego ya tharabololo ya tsone go ememeng pele maiteko otlhe a go ka aba lefatshe. Kgotlhatso e dirilwe ke kgosi Boithamako Keipone mo lonyalong la kgosana ya kgotlana ya Kgaimena Rre Gaosotwe Masole le mohumagadi wa gagwe, Mme Godiramang Tsietso, ba go bolelwang ele batho ba ntlha kwa Otse go nyalana kafa molaong le go nna le setlankana sa lonyalo. Rre Badisang o ikuela mo barataning segolo jang ba ba nnang mmogo ba sa nyalana go kopa dikgakololo mo batsading, dikgosi, mapodisi le badiri ba lephata la boipelego fa ba na le dikgotlhang mabapi le tsa marato ka jaana go bolaya ba bangwe le go ikgapela botshelo e se go rarabolola mathata. A re Rre Nkgowe o ba thusitse fela thata ka e bile ba rekisetsa khamphani ya gagwe majwe o ne a. Mme Seabe o tlhalositse fa mabele ao a ka dira dijo tsa leruo fa a kgaolwa pele ga a butswa. E re dikgang di eme jalo, kgosi o ne a gwetlha Batswana ka kakaretso go ya go tlhopha mo ditlhophong tsa setshaba tse di tla tshwarwang kgwedi eno e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bone, a kaya fa tlhopho ya bone e le botlhokwa go aga lefatshe leno. A re o tsene mo kgwebong e ka maikaelelo a go thusa ba gaabo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ka ba supile fa ba na le lerato le legolo mo temong. Motshameko oo wa makgaolakgang o ne wa tsewa e le wa go thibela malwetse a tlhakanelo dikobo le go thibela mogare wa HIV go tswa kwa go mmangwana go tsena mo ngwaneng. O ne a gwetlha setshaba go itlhokomela ka jaana morago ga dipula tse di sa tswang go gosomana, go ka nna le bolwetse jwa letshoroma, a rotloetsa gore go ntshiwe tsotlhe tse di ka okang monang mo malwapeng. Inspector Gaborone a re e tla re mo bogaufing mokgweetsi wa koloi eo a itshupe fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata mme fa a ka bonwa molato o ka atlholwa madi aa sa feteng P10 000 kana kgolegelo ya dingwaga tse di seng kwa tlase ga ngwaga tse tlhano. Fa a ntsha malebo, mokhanselara wa kgaolo, Rre Tsabahule Kgothang o kopile setshaba go ema ka dinao go thusa mo ntweng e, a bolela fa puso e le nosi e ka se kgone go tlhabantsha le go fenya bolwetse jo. Rre Tsela a re ditlhopha tsa mmino wa Setswana tse di neng di natefisa kwa moletlong o, ga di a ka tsa swabisa ba ba neng ba tsholegile go tla go jesa matlho a bone monate ka go ntsha ga tshwene fa ba diragatsa. Mokwaledi wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae rre Boipelo Khumomatlhare,o ne a supa fa ba batle megopolo mo go bone e e ka isang lephata ko pele ,atlatsa ka gore bontsi jwa dikgang tsa bone ke tse di ka buiwa mo makalaneng le mo lephateng ,a kopa bagolwane ba bone go tshwara phuthego ya babereka ka bonako go rarabolola matshwenyego a babereki. Rre Jibichibi o buile jalo kwa letsatsing la go ipelela temo la balemi ba Mapatswa bosheng. A re seo se dira gore kgwebo e seka ya bona dipoelo sentle ka e ikaegile thata ka merogo le maungo. Rre Newman Mbise wa lebentlele la Sun City kwa motseng oo, o supile fa kgwebo ya gagwe, e a e simolotseng ka ngwaga wa 2007, e sa gole ka fa a eletsang ka teng, ka theko e le kwa tlase thata. Mogologolo o rile nonyane ya motsoga pele e ja seboko se se nonneng. Mme Mpetsane o rotloeditse setshaba go tsaya dikgato tse di lebaneng di akaretsa go kgaola bojang go fokotsa go tsala ga monang. Mothusa tona o diragaditse taolo e ka Labobedi mo kgotleng ya Makopong mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa. Dikago tseo, tse di agilweng ka P40 million, di akaretsa matlo a borobalo a baithuti ba basimane ba le 152 le ba basetsana ba le 152, a batlhokomedi ba baithuti a le mabedi, a barutabana a le marataro, ntlo e e beelang le ya boapeelo, phaposi e go sidilelwang maikutlo mo go yone, matlo a borutelo a le mabedi le matlwana a boitiketso. Ba ne ba tlhalosa gape fa ba kopa go tsenyediwa motlakase, ba supa fa dikgwebo tsa bone tsa mananeo a puso di sa bereke sentle ntateng ya letlhoko la motlakase. Monongwaga o tlhalositse fa ba ne ba tseneletse dikgaisano tse gape ba phadisanya mo karolong ya kapari mme ba boa ba iponela maemo a boraro ba bo ba kgonne go fetela kwa legatong la makgaolakgang kwa Francistown go ya go phadisanya le baroki ba bangwe. Fa a leboga, modulasetilo wa komiti ya mokgatho wa Gopolang Balwetse mo sepateleng seo Rre Disang Kehupetse o ne a tswantshanya baithuti bao ba ba segofetseng ka go bereka mo maphateng a puso a a farologanyeng, le monna mongwe wa Baebele wa Mosamarea yo o neng a tlamela monna mongwe yo o neng a mo fitlhela a kgophaletse gaufi le tsela a ketikilwe ke dinokwane ebile a le gaufi le go swa. O gateletse thata segolo bogolo gore balemi ba sale ditaelo tseo fa ba dirisa melemo e e lwantshang mohero, a tlhalosa fa e le borai fela thata mo matshelong a batho fa e ka se dirisiwe ka fa tshwanelong. O ne a gatelela mosola wa lekalana leo a re le eteletswe pele ke lekgotla la bomankge ba dikisto tsa semolao le tiriso ya madi. Mme Madome yo o dingwaga di masome matlhano le bosupa o supile fa dithoto tsa gagwe di rekwa thata ke bomme ba di rekela go kgabisa kwa mantlong, mme gape a kgona go rekisetsa ba dikompone le ba madirelo a mangwe go kgabisa kwa diofising. Mme Miranda o tsweletse ka go kopa morafe le baeteledipele ba motse go dirisana mmogo gore ba kgone go tsweledisa ditlhabololo tsa motse wa bone boemong jwa go kubetsana ka mafoko ka seo se ka ba kgaoganya ka bogare. O ne a kopa ba lephata la dipalamo go ba thusa beng ba dipalamo tsa setshaba, a re ba gana go folosa batho mo maemelong a a tshwanetseng e bile a diretswe go folosa le go pega setshaba. Mopalamente wa kgaolo eo, Rre Haskins Nkaigwa, o ne a lebogela lesedi le mothusa tona, a tsileng ka lone, a supa fa go tlhokafala gore banni ba ne ba ithuta gore ba tle ba kgone. Mopalamente Rre Lelatisitswe one a ba lekodisa ka tsamaiso e ncha ya kabo ya lefatshe,a supa fa puso e lemogile gore kabo ya lefatshe e tlhakatlhakane e bo e tswa ka lenaneo la go dira moalo wa lefatshe mo lefatsheng lotlhe. Batsadi ba Dikgonnye mo kgaolong ya Mochudi Bophirima ba kopilwe go emela thuto ya bana ba bone ka dinao ka jaana e le bokamoso jwa bone. Fa a ntsha la gagwe, Rre Dithapo o kopile thotloetso mo morafeng le dikgosi tsa motse oo gore a kgone go ba direla ka botswa pelo. Ka dimpho tsa ba FNBB le BPC ditsholofelo di kwa godimo. A re lekalana la LEA le rutuntsha Batswana ka tsa kgwebo le go ba fa maele gore ba ka tsamaisa jang dikgwebo tsa bone, a tlhalosa fa ba thusa ntle le dituelo. Modulasetilo Rre Makale o ne a laola go tswalwa ga dipuisano ka makhanselara a a neng a le kgatlhanong le ene a ne a kgoreletsa tsamaiso ba kopa gore a tshutiso ya bone ya go mo thankgola e bewe fa pele ga phuthego ntswa e seyo mo lenaneong. A bo a tlhalosa fa sekidi sa lefatshe leo e santse e le sekgwa fela se se ka nna sekgele sa dikhilomithara di ka feta makgolo a heta borobabobedi. Morago ga dipego tsa go tlhorontshiwa ke setlhare sa sexanana kwa kgaolong ya Kgalagadi, banni ba Letlhakeng kwa kgaolong ya Kweneng ga ba bone boroko ka setlhare seo jaanong se bonala se ntsifetse mo motseng wa bone. Moeteledipele mo lephateng la CTO mo Tsabong Rre Loruo Morwe o ne a supa ba tshwengwa ke palo e ntsi ya dikoloi tse di amegang mo dikotsing tsa tsela ka ntlha ya go kgweetsa bohahalele ga bakgweetsi bangwe ba puso. A re leruo le itseelwa sesolo ke magodu a a jesetsang barui mo kgobedung. Fa e le paka ya dipula ba tla ba kolobile le tsone dibuka tota, fa gongwe ba tla ba sa tlhapa le go ja ba sa ja, ba supa go sena metsi kwa ba nnang teng. Mogokgo o ne a kopa mopalamente gore a ba thuse ka paka ya sekole ka gore ba utlwalela fela a aba kwa mafelong a mangwe, ka jalo ba ipotsa gore o tlaa ba gopola leng. Mme Moloi o supile fa ba ba ruta go dirisa khomputara ga mmogo le go e bula go ba kaela dikarolo tsa yone gore di bereka jang le tse dingwe mme a re go ruta ngwana khomputara go ka mo fa lesedi la go itse go e baakanya fa e na le mathata. Ba tsweletse ba tlhalosa fa metsi e le selo sa botlhokwa fela thata se motho a ka se kgoneng go tshela ntleng le one ka jalo ba kopa gore khansele e tsibogele seemo se gonne se ka baya botsogo jwa bone ka fa mosing. Mme Kgodungwe o ne a kgothatsa banana gore ba seka ba letlelela bontlhopheng go ba dirisa dilo tse di seng ka fa molaong mme a ba kgothatsa go ikwadisetsa ditlhopho gore lentswe la bone le utlwale. A re mo bogompienong, dipudi tsa gagwe di 1esome le boferabongwe. Rre Moribame o tlhalositse fa go baakanya tsela ya Bobonong-Lekkerport go tsweletse sentle e bile go le gaufi le go fela, go tsenya ditlamelo kwa ditsheng tse disha tsa Malepane kwa Bobonong le Phase 1 kwa Mmadinare go fedile. A tlhalosa fa ba sa thuse,mo Botswana fela a re le kwa mafatsheng a Botswana a bapileng le one tiro ya boithaopi ba kgona go lalediwa go ya go thusa teng. Bana bao ba lekwalo la bosupa , ba ne ba tswa mo mafelong a a farologaneng a supa , ba tlhokomedi ba ba bone ba ne ba rutuntshiwa kwa motseng wa Maunatlala. O ne gape a kopa molaodi go bua le ba ofisi ya merero ya tsa bong ka jaana batho ba motse oo bane ba lela ka go nna kgakala ga yone ntswa bae tlhoka. Dirang jalo ka go tlhopha Domkrag. A re o solofela fa kgwebo ya gagwe e tlaa kgatlha ba le bantsi, mme ba fetole megopolo le dikakanyo tsa bone, bangwe ba tlaa felela ba ntsha le ga tshwene mo ba ntseng ba go fitlhile. Mme Phindela o ne a nesetsa pula tiro ya ba mokgatlho wa Rotary a re o dumela fa le bone e ba tlhatswitse dipelo ka go thusa batho ba bangwe e le yone pinagare ya tiro ya mokgatlho wa bone. Mme Mosese a re bogodu jwa dihutshane ga mmogo le malwetse a tshwana le jwa diphilo di ba busetsa kwa morago. Rre Koosaletse a re sekole sa Dinokwane se tsaya bana ba ba tswang mo masimong a Masama le Motlhabaneng, ka jalo bana ba e le bana ba ba tswang kwa malwapeng a itsholelo e e kwa tlase. Fa a itebaganya le kgang ya lekgotla le sekole, o ne a re dikoko ga di ke di tlhakanya mae, a re go kabo go ne ga nnelwa ditumalano tsa gore ba sekole ba tlaa duela jang. A re batsadi, dikole le makgotla a mangwe ba dira go le gontsi go thibela tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi mo bananeng ka go bua le bone. Rre Thaga yo e leng mothusa modulasetilo wa khansele-potlana ya Serowe, a re ba itse ka tlhaelo ya matlwana a borutelo kwa sekoleng seo, a re se se tlaa arajwa nako e madi a tlaa bonalang. Mo makgethong a le mantsi ba ba babalelwang ke go kgothosiwa mo mebileng e, ke bomme. Go tlhoka go tsena sekole, ga go a kgoreletsa Mme Alone go godisa bana ba gagwe ba basimane ba babedi ka yo mongwe ele moletsa phala wa popota wa motshameko wa kgwele ya dinao, fa wa gofejane ene e le motshameka pele wa setlhopha sa Orapa United se se tshamekang mo liking ya Be-Mobile. Fa a bua ka seabe sa mophato oo, o o tlhamilweng ke bomme ba ba tshotsweng ka 1930, a re le fa bomme bao ba setse ba sa kgone ka ntlha ya bogodi e bile ba bangwe ba seo mo botshelong, bana ba bone ba tsere marapo mme ba tsweletse sentle go tshegetsa ngwao le ditso ka mophato oo. A re Batswana ga se chaba e e agilweng ka madi mme a ba rotloetsa gore e nne bone matlho a leruo la bone. Fa a bua ka ditso tsa Maboane, Rre Kobo Kobo o supile fa batho ba motse oo ba ne ba fuduga kwa Metsibotlhoko, morago ga gore Kgosi Bonewamang a ba kope gore ba fudugele kwa Letlhakeng. O boletse fa dikhansele tse dingwe di gatetse pele ka omogopolo oo ka maduo a one a bonala. Moruti Benjamin Mogome a re maikaelelo magolo ke go fitlhelela matshelo a batho ba ba tshwenyegileng thata, a tlatsa ka gore batho ba ba kwa ntle ga kereke ba feletswe ke tshepho ka jaana dipelo tsa bone di thubegile. Rre Nkunda o tlhalositse fa kitsiso ya lephata la tepo lewapi e dule mme e supa fa monongwaga pula e tlaa nna boutsana, a kgothatsa balemi go ikitaya ka thupana gore ba leme ka bonako go somarela bokgola. O boletse fa se se baka gore bangwe ba tlhaelwe ke pampiri ya dikgang ba bo ba tlolwa ke dikgang tsa ditiragalo tsa lefatshe ka kakaretso tse a reng di ka bo di tswetse bangwe mosola. A re dikgomo tse di sa jesiwang omang kgotsa di sena manyena a e leng one bosupi di sega tsebe ka di nyefola maiteko a BMC a go rekisa nama ya Botswana kwa mmarakeng o o botoka gore baruakgomo ba bone dipoelo tse di botoka. A re baithuti ba ba tswang kwa Mokokwana, Mosweu le Seolwane ba tsamaya sekgala se seleele go ya kwa sekoleng se segolwane sa Maunatlala, ka jalo dikago tse di raya gore baithuti ba tlaa nna le nako ya go ithuta ka ba tlaa bo ba nna mo sekoleng. Mme Gwai a re madi a ba setseng ba a kgobokantse ba ne ba rekela kokelwana ya motse oo ditilo di le lesome. Mogolwane go tswa kwa lephateng la ipabalelo tseleng, Rre Amos Motshegwe o ne a supa fa dikotsi tsa tsela di tsweletse ka go gapa matshelo a batho. Ditlhopho tsa poelelo tsa kgaolwana ya Kalakamati kwa kgaolong ya botlhophi ya Tati Bophirima di tlaa tshwarwa kgwedi eno e le masome a mabedi le borobabongwe. A re seemo se ga se jese diwelang ka jaana mapodise a a leng teng a imelwa ke tiro, mme dirukutlhi di felele di itirela boithatelo. Ba tlhalosa fa maikaelelo a bone jaanong e le go phepafatsa Mahalapye le go baakanya dipompo tse di dutlang gore e re ba tsamaya sengwe le sengwe se bo se boetseng mo mannong. Mogolwane wa mapodise mo kgaolong ya Borwa Rre Oreeditse Mautle o lebogetse banni ba kgaolo ya Goodhope – Mabule go itshwara sentle ka nako ya ditlhopho tse di sa tswang go tshwarwa ka mafelo a beke. Mogolwane wa lephata la thuto go tswa kwa moding, Rre Vumani Luckson, a re go a lebosega go bona Batswana ba ithaopela go thusa dikolo dingwe. A re o tlaa bo a e beela metlha ya komelelo go kgona go jesa leruo la gagwe. O ne a tlhalosa fa a kgatlhwa ke go bona banana ba ba mo lenaneong le ba dira tiro ka bokgabane le botswa pelo. E rile mmonnamogolo a sena go hulara, Mme Baikepi a tsaya di dirisiwa tsa gagwe gore le ene a lekeletse gore o ka seke a dire jaaka a ne a bona rraagwe a dira. A re ba feletse ba ba koba ka jaana metsi a ne a kolota P90 000. A re kgang e nngwe e e utlwisang botlhoko e bile e ama ke ya gore le ntswa melaetsa le dithuto ka bolwetse jo di tsweletse ka go gasiwa mo Batswaneng, lephata la botsogo le sa ntse le na le dikgang tse disha tsa batho ba ba tsenwang ke mogare wa HIV ka selekanyo sa 3.45%, mo jaanong e leng matshosetsi mo maitekong a go emisa kanamo le go tsenwa ke megare e mesha ga batho. Mopalamente wa Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofho Molefi o ne a kopa setshaba sa Selebi Phikwe go boela kwa go Ramasedi ka thapelo ka gore kagiso le thokgamo di tswa kwa go ene. Mme Khubu o kopile Batswana go tsaya mananeo a puso a a ka tlhabololang matshelo a bone mme ba seka ba itsapa ka e tlaa re mo tsamaong ya nako ba bone maduo. Rre Ramokate a re go a itumedisa go bo mo go tse di neng di lejwa, ofisi ya Bokone Botlhaba e ne e dira go swela, mo e neng e tsaya maduo a le go feta mo dikarolong tse dingwe. Kgosi Mokgatla a re se se amang ka tsone ditiro tse ke gore di diragala fa pele ga matlho a batsadi e bile gape di ama le bone baithuti ba sekolo se se potlana mme fela bangwe batsadi ba a di itlhokomolosa. O ne a ba kopa gore ba seka ba dira jalo ka go dira jalo go diya tsamaiso. Mo go tse dingwe, Mme Makgato o boletse fa tsela ya dikhilomithara tse di makgolo mararo go tswa kwa Nata go ya Maun e tlaa dirwa. Banni ba Kasane ba tlhalosa fa ba sa jesiwe diwelang ke tsela e e kopanyang Kasane le Plateau ka go bo e sa babalesega mme se se dira gore diphologolo jaaka ditlou le dinare di tshosetse matshelo a bone ka gore di kgabaganya foo. Mothusa mogokgo mo sekoleng se se botlana sa Nhake mo Tsabong ,Mme Nnuku Lorekang a re ba tshwengwa ke tlhaelo ya matlo a borutelo le mochine o o ntsifatsang dipampiri mo sekoleng sa bone tse di felelang di diga maduo a sekole seo. Mme Van Der Merwe o tlhomamamise se ka go supa fa banka ee a eteletseng pele e le yone fela ee ya bona go le botlhokwa go thusa banni ba ba mo kgaolong ya kgalagadi borwa go ba thusa mo polokong ya madi le dikamogelo go tokofatsa seemo ka pele ba ne ba dirisa sefofane go tla go thusa setshaba. Kgosi Tsiane o kopile morafe wa gagwe go leba kwa Modimong, ka jaana boitseanape bo le bontsi mme malwetse one a tsweletse ka go ntsifala e bile e le a a sa alafesegeng. Thuto e, e nnile teng morago ga gore balemi ba bolele fa ba sa robe sepe ka gore dijalo tsa bone di fetswa ke bojang jo bo fekeetsang dijalo go gola, mme segolo bogolo ba le bete se molangwana ka motlhwa o o anameng le masimo a bone. Detective Assistant Superintendent Nkhwanana o tlhalositse fa setopo seo se ne se le mo lehuting le go epiwang mantswe a konkoreite mo go lone, le le neng le sa katelwa, le sone setopo se ne se sa apara sepe, fa e se borokgwe jwa ka kwa teng. Le fa gone dikolotsana tseo di ne di ise di goroge go ka rolelwa beng ba tsone, ka go ne go nnile le tiego mo go tlisiweng ga tsone, leloko la mokgatlho wa rotary, Mme Charmaine De’Ath, o ne a tlhalosetsa batsena tiro eo fa di tlaa bo di gorogile pele ga dibeke tse pedi di wela. Go nna seopo sengwe go ka tsholetsa serodumo sa kgaolo A re o simolotse ka dikgomo di le lesome le botlhano mme tsa ganyaolwa ke mopalo. E rile a buwa kwa moletlong wa dijo tsa maitsebowa wa maloko a Ntlo ya Dikgosi mo Gaborone ka Labone, Dr Kedikilwe a re dikgosi di tswa kgakala di rwele boikarabelo jwa go bopaganya setshaba. Mongwe wa baithuti ba pele ba sekolo se sebotlana sa Gakhibane ,Mme Lilly Sullivan o ne a fa bopaki ka go tlhwaafalela dithuto le maduo a gone. A re mo mabakeng a mangwe, Batswana ba reka dithoto tse di sa letlelelweng tse batswakwa ba tsenang mo lefatsheng leno ka tsone ntswa ba itse fa ba sa tsena mo lefatsheng leno ka fa molaong. 2016 ngwaga wa boitumelo Mo diphuthegong tse a tsamayang a di tshwara go laela batho ba kgaolo ya gagwe, mopalamente wa Mmadinare, Dr Ponatshego Kedikilwe o tlhalositse fa sengwe se a se kgonne kwa Mogapinyana ele go ba agisanya jaaka a ba tlogela ba bopagane mme a tlhalosa fa jaanong go le mo maruding a bone go ganana le semorafe se a rileng fa ba sa ikeletlhoko se tla a ba kgaoganya. A re ba ikanye lefoko la Modimo fa ba le mo dipharagobeng le gore ba itse fa mosepele wa lorato o na le bokhutlo. Maemo ao a mothusa modulasetilo a ntse a tshwerwe ke mokhanselera wa Lerala Botlhaba, Rre Kabo Ketshogile, yo ka nako e a neng a tlhophiwa a neng a le mo phathing e e busang. Mo go tse dingwe, o ba kopile gore ba seka ba felela Tautona Mokgweetsi Masisi pelo ka jaana ke gone a tsenang mo setilong, a supa maikaelelo a gagwe e le go tlhabolola lefatshe leno. Kgokgontsho e direga malatsi otlhe, gongwe le gongwe; mo malwapeng, kwa ditirong le fa gare ga batho tota. Ba Talaojane ba tlhopha Matho Badirelapuso ba lemela Childline merogo O boletse fa Rre Kgathi a latlhegelwa ke mowa wa boutlwelobotlhoko bogolo jang mo dikgannyeng tse di amang leruo. Banni ba metse e e kwa kgaolong ya Tswapong Borwa ba ikuetse mo go mopalamente wa bone, Mme Dorcas Makgato ka bogodu jwa leruo. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, kgosi o supile fa banni ba motse oo ba tsere lenaneo leo ka tlhwaafalo mme a ba akgolela tirisano mmogo le boraditerekere ka a bolela fa go sena dikgang tse a di begetsweng tsa tlhoka kutlwisisano. Mogolwane wa mapodise aLetlhakane, Superintendent Michael Maphephu a re ba ba tlhokafetseng, kemosimane wa dingwaga di le lesome le bobedi, basetsana ba le babedi ba badingwaga tse supa le boferabobedi. E rile ba aba mpho eo mogolwane wa banka eo mono Palapye, Mme Kegomoditswe Gaebolae a tlhalosa fa e le boikarabelo jwa bone e le bodiredi go bona gore ba tsenya letsogo jang mo kgodisong ya bana le mo setshabeng ka kakaretso. Mo phuthegong eo barutabana ba mephato yotlhe ba ne ba tlhalosetsa batsadi ka maduo a bana a setlha sa bobedi le gore tsholofelo ke eng mo nakong e e tlang, ba ne gape ba ngongorega ka batsadi bangwe ba ba sa kgatlhegeleng le go tshwaragana le bone ka ditiro tsa bana ba bone ka ba etela kwa sekoleng go ya go lekola ka fa bana ba dirang ka teng mo dithutong tsa bone. O kgadile fela thata dipolaano tse gantsi di tlhotlhelediwang segolo bogolo ke go sa iketlang ga marato a banana, mme a dira boikuelo mo bananeng gore ba seka ba itlhaganela go inaakanya le tsa tlhakanelo dikobo ba ise ba tlhaloganye dintlha dingwe tsa botshelo. O ba tlhaloseditse ka lenaneo la go reka matlo le dikoloi le le tsayang dingwaga tse di masome mabedi go nale tse di lesome jaaka pele. Bomme ba supile mowa wa Lorato Go sa boneng thotloetso le mmaraka ga dikgwebo segolo jang tse di potlana go felela go dira gore beng ba dikgwebo ba kgobege marapo. O tlhalositse fa bakapelo bangwe gole gantsi ba loba go bua gore bana le mogare fa ba tsena mo loratong mme a re dikgang tseo di nna di diragala gantsi, a tlatsa ka gore go botlhokwa go re batho ba sidilwe maikutlo le go rutiwa go fokotsa seemo sa go gola ga mogare. Rre Kabelo gape ke ene a neng a tswa ka kopo ya gore setilo sa mothusa modulasetilo se kabiwe ka yo ba neng ba mo tlhophile a fudugile. Rre Tsebe a re, banana ba supile kgatlhego mo go se se rutilweng. Balemi ba kgaolo ya Machaneng ba rotloeditswe go lema dijalo tse di kgonang go itshetlela mo nakong eno ya phetogo ya loapi. Ditonki tse go fitlhetswe di bolailwe bosetlhogo go tsewa matlalo a tsone go ya go rekisiwa fa tse dingwe di ne di swa ka lebaka la tlala le lenyora. O ngongoregile ka batho ba ba lemelwang mahala mme ba phuaganye masimo go ya go bereka Ipelegeng. Le fa go ntse jalo, o kopile puso go thusa balemi bangwe ba ba duleng ba iphotlhere ka mebu ya masimo a bone e ema metsi. Mo go tse dingwe, Rre Masisi o buile ka maiteko a puso a go tokafatsa matshelo a badiri gammogo le go atolosa dituelo tsa bone. Superintendent Gabathuse, a re le fa dilalome tseo di ne tsa leka go sia, ba ile ba tshwarwa gape ka thuso ya ba sepodisi go tswa Ramotswa, Kanye, Special Support Group le ba sefofane sa tlhoo-tomo. Ba re ba tlhola ba bona jaaka mananeo a puso a solegela ba bangwe molemo mo mafelong a mangwe ka jalo le bone ba eletsa gore ba ka nna le metsi gore ba kgone go jesa ba malwapa a bone. Go ntse go le foo, Rre Batshu, yo gape e leng mopalamente wa Nkange, o ne a tlhatlhelela banni ka ditirelo tsa lephata la gagwe, a re o bone go tshwanela gore a tsamaye a lekodisa batho ka ditirelo tse ba di neelwang ke maphata a a welang ka fa tlase ga lephata la gagwe le go bona gore a ditirelo tseo di goroga sentle kwa setshaben O ne a gakolola banni ba metse eo, go kwadisa ka fa molaong leso lengwe le lengwe le le diragalang mo malatsing a le masome a mararo, a tlatsa ka gore ngwana mongwe le mongwe yo o tsholwang le ene o tshwanetse a kwadisiwa le go direlwa setlankana mo malatsing a le masome a marataro. O ne gape a re se kereke ya UCCSA e se dirang ke go gwetlhadikereke tse dingwe go ema ka dinao go supa lerato le le senang dipaka le gotsaya mongwe le mongwe ka tekatekano ka batho botlhe ba dirilwe mo tshwanong yaModimo. O buile seo mo phuthegong ya kgotla e biditswe ke mopalamente wa Bobirwa, Rre Shaw Kgathi. Kgosi ya tetlanyo mo kgotleng ya kgosing kwa motseng wa Thamaga, Kgosi Setlhomonyane Koboyakgomo a re o itumelela tirisanyo mmogo ya batsadi ba motse oo morago ga gore o farafarwe ke dikgang tsa botlhoka tsebe. E rile fa a tlhalosa maikaelelo a merapelo eo, mogokaganyi wa merero ya HIV/AIDS, Rre Ketlaleka Monyadiwa a re ke go gopola ba ba re tlogetseng le go lebelela kwa morago kwa re tswang teng dingwaga tse di masome a matlhano go tshelwa le HIV/AIDS. E ntse e le kwa thuto-puisnyong eo, Mme Mpho Lucas, yo e neng e le morulaganyi mogolo wa tiro eo, o supile fa lephata la papadi le madirelo le eme ka dinao go bona gore ba-na-le bogole ga ba bewe ka fa mosing. Go ya ka Mme Lekolori, palo ya bareki ba semausu sa gagwe e gola ka mmetela mo e leng gore gantsi o apaya dijo tse dintsi mme ga a kgone go jesa bareki botlhe, mo go dirileng gore malatsi ano batho ba beeletse dijo nako e sale teng ka mogala. Ba bosekisi ba ne ba supa fa ditlhotlhomiso mo kgannyeng eo di santse di tsweletse ka ba letile mokwalo o o rurifatsang beng ba dikgomo. Kgosi o kopile baithuti go itsa gore ba nne ba bileditswe boitsholo jo bo sa amogeleseng ka Setswana se re, leina le le ntle motho o a le itirela. A seemo se re le ba khansele le mapodisi a kgaolo re se potlakele ka matshelo le bokamoso jwa bana ba rona di tshwanetse go tokafadiwa, a rialo Rre Sebina. Rre Oats yo ebileng gape e le modiri go tswa mo lekalaneng la boipelego mo khanseleng ya Kgalagdi o boletse fa kabo dimpho eo e le tshimologo ya loeto la bone le ba sepatela sa Tsabong a kaya fa gape keletso ya bone e le gore palo ya bone e oketsege gore ba tle ba kgone go dira go le gontsi mo setshabeng. Kgafela o kgala sogwasogwane A re tlhwatlhwa ya diteemane mo go tlhabololeng lefatshe la Botswana ke e kgolo e bile di na le seabe se segolo mo go tsiseng madi a mafatshe a sele mono gae. A re bangwe ba kgona go lemolola masimo a le mantsi mme kwa bofelong ba bo ba tsaya sebaka se seleele ba sa a leme mme seo se babalele balemi. Mme Ndebele a re nnotagi eo e bolaile banana ba motse mo ba setseng ba sena kgatlhego e e kalo mo go tseyeng mananeo a puso a a ka ba ntshang mo lehumeng, mme a re letshogo la bone e le boeteledipele ke gore tiriso phetelela ya nnotagi e tlaa felela e oketsa borukutlhi mo motseng. O supa fa maikaelelo a bone e le go tsamaya ba ipega pele mo bogosing mo dikgaolong tse di farologaneng go ba tlhalosetsa ka maitlamo, moono le maikaelelo a bone. O tsweletse a supa fa motse wa Nata o tshwanelwa go ka tlhongwa ka o fa gare ga metse e mengwe e e mo kgaolong eo le dipalo tsa batho ba ba mo kgaolong eo di kwa godimo thata go ya ka dipalo tsa batho tsa 2011. A re metlobo ya dibuka e botlhokwa ka e thusa baithuti go tlhwaafalela dithuto tsa bone bogolo jang ka ba tlaa bo ba kgatlhegela go bala. O kopile baruti ba dikereke go ne ba etela kgotla ya gagwe a tlhalosa gore o tshwenngwa ke botlhokatsebe jo bo atang mo bananeng ba kgotla eo. Tona wa thuto e kgolwane, dipatlisiso, boranyane le boitseanape, Dr Alfred Madigele, o abetse banni ba Ga-segwagwa P10 000 le kgomo go thusa mo moketeng wa peo ya kgosana. Rre Malikongwa o gwethile badirelapuso go fetola ditlhaloganyo le dikakanyo tsa bone gore ba dire tiro ka natla. Sekolo sa Serorome se ipelela ngwao E rile a bua mo phuthegong ya kgotla ka Labobedi, mopalamente wa kgaolo eo, Rre Gilbert Mangole, a supa fa maduo a sekolo se se sebotlana sa motse oo a wetse tlase mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la bosupa. Makhanselara a kgaolo ya Serowe a supile fa ba le sebete se molangwana ka tiego e e dirwang ke badiri ba lephata la temo-thuo ba ba dirang le lenaneo la LIMID. O ne a supa fa a akgola batsadi ba a reng ba ntsha di-tsa bone go tlhomamisa gore bana le ba e seng ba bone ba ya sekoleng. Kgosi Mokopakgomo Kgomokgwana wa Moiyabana a re go tlhoka tsebe ga baithuti go dira gore ba felele ba isitswe kwa lekgotleng go otlhaelwa go tlola molao. Banni ga ba tsene diphuthego A re ba ne ba tshwanelwa ke go leletsa kwa ofising e e tsamaisang ditlhopho (IEC) go rarabolola kgang. Kgosi Goitsheka Hetanang wa Tonota a re o tshwenngwa ke dipalo tse di golelang pele tsa dipego tsa dikiteo mo motseng wa gagwe. Rre Kgobero o tsweletse a supa fa merwalela e e ka ama thata batho ba ba agileng go bapa le noka le ba ba lemileng kana ba masimo a bone a leng gaufi le noka. Baikopedi ba lenaneo la kago ba atlegile Puso e lebogela seabe sa kereke Superintendent Halahala o boletse fa tiragalo eo e diragetse bosigo jwa Labobedi, mme ba ragogela kwa lefelong la tiragalo kwa ba fitlhetse rre yoo a rapaletse mo bodibeng jwa madi. Modiredi mo lenaneong la nyeletso lehuma kwa metseng ya Mahetlwe le Hatsalatladi, Rre Kenyaditswe Seanneng, a re thulaganyo ya thuo ya dihutshane kwa metseng eo e kgorelediwa ke gore barui ba setse ba le bete se molangwana ka go rekisetsa lenaneo leo dipodi, ka jaana ba ngongoregela tiego ya dituelo. Mo potsolotsong le ba BOPA Motsheganong a le 16, Kgosi Tlhabologang Hube wa motse wa Sojwe, o ne a tlhaba mokgosi, a supa fa banni bao ba babaletswe ke tlala, go supahala fa thulaganyo ya go ba sekaseka e saletse morago. Mo go tse dingwe, tona o tsweletse a kopa batsadi go direla bana ba bone ba ba digelang dingwaga tse di lesome le borataro dikarata tsa Omang, ka Omang e le one lotshwao le selotlolo sa botshelo jwa Motswana mongwe le mongwe, a re Omang o tshwanetse a dirwa mo malatsing a le masome a mararo ngwana a sena go digela dingwaga tseo. A re o dumela fa motlhwa o aga mo seolong ka jalo go le botlhokwa go bolaya khumagadi ya sone seolo seo, e e twaelesegileng ka go bidiwa mmaseolo. A re ngwao e sireletsa batho mo go direng dilo tse di ka ba tsenyang mo diphatseng ka meila. O ne gape a re ba tshwenngwa ke leruo le le gobeyang mo ditselen,g a supa barui ka monwana gore ga ba tlhokomele leruo. Thoromo ya lefatshe e amile mafelo mangwe E rile ba BOPA mo Ghanzi ba bua le mothusa mokwaledi wa lephata la makgotla a Setswana mo Ghanzi, Rre Dikaelo Serigi a re Kgosi Mangongorego o tlhokafetse kgwedi e e fetileng e le malatsi a a masome mararo le motso (Sedimonthole 31) kwa kokelong ya Letsholathebe Memorial kwa Maun, mme o tlaa bolokwa kgwedi eno e le lesome le boraro (Hirikgong 14) gone kwa Bere. E ntse e le mabapi le dimpho, Rre Thamane o boletse fa kompone e tlaa rekela Thato Cave mogala o o sephaphathi e be e rekele le mmaagwe mogala oo. E ne e rile gole pele modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa dikgotla tseo Rre Mothoagae Mothoagae a tlhalosa fa ba kopa puso gore e ba seka sekele bone ele ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse gore a b aka se okeletswe dikatso. O ne a kopa botlhe ba ba akotseng dithuso tse di farologanyeng tsa mananeo a puso go di somarela gore di ba tswele mosola le gore maiteko a puso a go leka go nyeletsa lehuma la nta ya tlhogo mo Batswaneng a tswe maduo. A re lenaneo leo le file banana ba ba neng ba itlhobogile sebaka sa go ka boela mo seemong sa botshelo. Borre ba kopiwa go tila malwetse O tlhalositse fa e sale ka 2011 sekolo sa gagwe se tsaya ketapele mo dikolong tsa kgaolo ya Middlepits. E re lefa go ntse jalo, bangwe ba ba sa itseng bodiphatsa jwa sone ba se nna moriti mo malwapeng a bone. A re basadi ba ka isa kgang kwa ga mmakaseterata go sekisa banna fa ba akanya gore ba ba dietse nako. Dr Kedikilwe, yo gape e leng Mothusa Tautona, o kopile morafe go bala molao wa bogosi ka kelelelo le go o tlhaloganya, a re seo seka dira gore ba tlhaloganye le go itse ditshwanelo tsa bone le tsamaiso ya bogosi. Banni ba Gerald Estate kwa Francistown ba supile fa ba nna mo lefatsheng le ka dipalo tse di kwa godimo ntswa ba sena diteseletso. Mme Gare o tlhalosa fa mo bogompienong a bereka a tsentse marapo dinameng ka gore paka ya bajanala e simologile, ka jalo ba tshwanetse go mo fitlhela a feditse bontsi jwa dilwana tsa gagwe. O ne gape a kopa gore bodiredi bongwe jwa sepodisi bo isiwe kwa go ba ditima molelo gore e re ka nako ya dikotsi ba bo ba le gaufi go thusa. Rre Kwelagobe a re BDP e rotloetsa tshwaragano e seng fela ya maloko a yone. Gabriel Tsuaneng wa phuthego ya Lontone ko Ramotswa a re thobo e tshwana le pepetletso e na le tsamaiso. Rre Senai a re le fa go tserwe tshwetso ya gore ba ba kolotang ba gokelelwe metsi, ba tshwanetse ba lemoge gore molato ga o bole be tlaa tshwanelwa ke go duela fa ntwa ya COVID–19 e bepa. Rre Rapoo o kopile batlhophi go ntshafatsa dikarata tsa bone tsa Omang, a supa fa thulaganyo ya ditlhopho e ikaegile ka karata ya Omang. O ne a tswelela a gakolola balemi go tsaya temo ya bone ka tlhwaafalo le go supa lorato le maikarabelo ka go tlhokomela dijalo. Rre Autlwetse o tlhalositse fa lephata la gagwe le phutholotse letsogo ka go ntsha mananeo a temo-thuo gore Batswana ba a akole. O tlhalositse fa tiro e e ba itumedisitse fela thata ka e supa tirisano mmogo ya booki le morafe. A re bo anama fa molwetse wa teng a gotlhola kana a ethimola a sa thiba molomo kana nko kana motho a amana le didirisiwa kgotsa diatla tse di kgotlelesegileng. Molaodi wa Bokone Bophirima, Rre Keolopile Leipego a re bogakolodi ka lenyalo bo botlhokwa ka e le jone motheo wa lone. O ne gape a supa fa lenaneo leo le tsenelelwa ke banana ba dingwaga tse di fa gare ga masome mabedi le masome a mararo mme a supa fa yo o batlang go tlogela ka mabaka a sekolo kgotsa tiro a tla supa mme a letlelelwe go dira jalo. O tsweletse a re bontsi jwa batho bao, ba na le bana, bangwe ke bagwe fa bangwe e le dingwetsi mme fa go tshwanetse gore magadi a tswe, kgang ya boagedi e a tlhagoga mme go ketefatse merero. Le fa go ne ga dirwa maiteko otlhe go fa bogakolodi ke bagakolodi ba khansele eo, makhanselara a ne a le supa le le fa, ba re bone ga bana go amogela sepe se se mo lenaneong go fitlhelela tshutiso ya bone e reeediwa. Dr Seretse Khama Ian Khama ka 2008 di supile dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana. Le ntswa ba itumeletse kago ya ofisi le morafe wa gagwe Kgosi o ne ba kopa dithuso tse di akaretsang dibalama makgolo koloi le tse dingwe tse di ka seo se ka thusa mo go ba direleng tiro motlhofo mo go thuseng setshaba ka natla. A re le fa go ntse jalo batho ba ele tlhoko gore melemo e, e tlhoka gore molemi a bo a na le lesedi la go bala dikaelo tsa go e dirisa ka go sa nneng jalo go ka baka ditlamorago tse di tlaa bong di sa siamela ba ba tlaa bong ba a ja tsone dijalo tseo. A re ba babalela dithoto tsa puso le go diragatsa maitlamo le maikemisetso a puso a gore dithuso di goroga kwa bathong go sena dibelebejane. Ntswa Rre Makubate a ne a amogela fa BMC e tshwentswe ke tiego ya dituelo, baruakgomo ba ne ba supa fa BMC e tswa kgakala e ba solofetsa dilo mme e bo e sa di diragatse. O tlhalositse gore motlapele a re motlhoka sa gagwe ke moka a suleng’’ ka jalo o ba gwetlhile gore ba tlhwaafalele maiteko a puso mo go buseletseng seriti sa bone, ka jaana lehuma le diga motho seriti. A re mono gae ba na le dikgaolo dile thataro, mme Radisele le tse dingwe tse dilesome le bone di wela mo kgaolong ya Lesoso. O kopile batho go tlogela mokgwa wa go thapa batswakwa ba ba senang dipampiri tse di ba letlelang go nna mono.A re fa go nna jaana e nna mokgweleo wa puso ka jalo go senyega madi a mantsi a a kabong a ka dirisiwa go tlhabolola lefatshe ka go boloka batho bao le go ba batlisa ba masika. lela a re go na le batsadi bangwe ba go ka tweng ba gweba ka bana ba bone ka ba bulela borre ba batona mabati gore ba ratane le bana ba bone gore morago banna bao ba ba fe madi le go ba direla tseo tse ba di tlhokang mo malwapeng a bone. Mme Baikepi, yo o dingwaga tse di masome mane, a re rraagwe e ne e le mmetli wa dikika, dijokwe le dilo ka go farologana. Superintendent Maphephu okopile bakgweetsi go nna ba kgweetsa ka kelelelo ka nako tsotlhe bogolo thatafa ba le mo ditseleng tse di fa gare ga motse. A re yo o tlhabilweng thobega o ne a betlelwa thobane ya mogwana go ikokotela ka yone fa a robegile mo leotong, mme fa e le mo seatleng o ne a batlelwa letsela le bo le bofelelwa mo molaleng gore letsogo le seka la akgega. A re golo mo ke poelo morago ka jaana batho ba itshetsa ka loruo, e bile le banana ba ba nang le kgatlhego mo mananeong a temo-thuo ba tlaa kgobega marapo. Mo go tse dingwe, Rre Makubate o ne a re dikarata tse di fiwa ba ba pegileng dikgomo e seng motho a santse a akanyetsa, a tlatsa ka gore fa madi a bone a tsena ba tlaa amogela melaetsa mo megaleng ya letheka. A re ba lebile segolo jang banana ka ke bone gole gantsi ba farafarwang ke dikgwetlho jaaka ba gola. O ne a tlatsa ka gore go botlhokwa thata gore banana ba tsalane le baemedi ba bone ba sepolotiki. A re temo thuo e ka thusa go bula diphatlha tsa ditiro, a re ene o setse a thapile badiri ba le batlhano, mme e bile a na le maikaelelo gore a atolose kgwebo ya gagwe gore a tle a kgone go ooketsa badiri. A re batho ba tlogela masimo ka dipalo tse di kwa godimo ka go tshaba dirukutlhi tsa bana ba motse wa Tonota e seng batswakwa jaaka bangwe ba belaela. Mogopolo wa maloba wa boipelego wa motho le motho e ne ele mowa wa boipelego o ka rotloetsang go itirela le go atolosa itsholelo. Rre Makgalemele a re go botlhokwa gore madi a seka a dirisiwa mo ditirong tsa ditlhabololo jaaka dikago fela, mme a tshwanetse a tsenngwa mo ditirong dingwe tse di ka thusang go lwantsha dikgwetlho tse di apesitseng setshaba kobo ka letshoba jaaka letlhoko la ditiro le lehuma. Khansele le DHMT di anamisa molaetsa E rile a ntsha la gagwe, Rre Botshoma a tlhalosa fa a tsere tshwetso ya go nna morotloetsi wa sekolo sa Nyangabgwe ka ele sone se a simolotseng dithuto tsa gagwe mo go sone ka ngwaga wa 1971. Fa a ba kwa dikgaba, Mme Kruger o ne a ba tlhalosetsa fa boeteledipele jwa khansele ya toropo ya Lobatse bo itlamile go tsenya leitlho le le tseneletseng thata go netefatsa gore melao ya phiro le pereko e salwa morago mme ka maswabi ga ba na thata ya go ba tseela dikgato fa ba ka fitlhela dilo dingwe di sokame. Mo potsolotsong bosheng, Rre Puku o tlhalositse fa lenaneo la banana le mo tsile matshidiso ka P98 806.00 go bula kgwebo ya tshilo kwa kwa Zwenshambe. O tlhalositse fa a dirisa mokolwane go loga mme a o kgetla kwa letshitshing la noka ya Motloutse gone kwa Motlhabaneng. A re ga a bone mosola wa gore madi ao a kgaoaganngwe, a tlhalosa fa go le botlhokwa gore go lebelelwe ditlhabololo tse di tona tse di ka diriwang tse di ka solegelang batho botlhe ba kgaolo molemo. A re kgwebo ya thuo ya dipodi e tlhoka boineelo le bopelotelele ka dinako tsotlhe ka e na le dikgwetlho tse motho a tshwanetseng go nna a di ipaakanyeditse ka dinako tsotlhe. O bile a kopa baruti go rapela thata gore pula e tle e ne. Go kgaoganya temo go na le dipoelo Banana bao ba kaile fa lenaneo la YDF, e le lengwe la mananeo a puso e a tlhamileng go tlhabolola matshelo a bone le le supang kgatelopele le kgolo. Fa a ntsha la gagwe, sebui sa tlotla go tswa kwa lephateng la boagedi le bong Rre Lekgotla Phiri, o ne a supa fa bana ba sekole sa Metsibotlhoko ba gaisitse bana ba kgaolo ya Kweneng Bophirima yotlhe ka maduo a AB, ka jalo ba tlhoka go phophothiwa legetla. Ke ka moo ke neng ka ela mme tlhoko fa a loga mme ka tsaya botsipa jo, ga tlhalosa jalo Mme Seipone ka monyenyo. A re go botlhokwa go dira morero le go dirisanya sentle ga batho kana baratani, a tlatsa ka gore dingwe tsa dikgwetlho tse di teng e le dingwe tsa batho ba ba lobang dikgang ebile ba sa bege dikgang tsa kgokgontsho ba di fitlha. O file dikai tsa dikgang tsa borukutlhi tsa malatsi otlhe jaaka tsa kgokgontsho, go ikgatholosa bana ba bannye ke batsadi, bogolo jang ba banana. O boletse fa a na le maitlamo le maikaelelo a tshwana le go tla go aga matlo a segompieno a tshwaragane le ba komiti ya ditlhabololo ya kgotla ya gagwe. O tlhalositse fa bogodu jo bo dirwa ke gore teemane ke letlapa le lennye le le utswegang motlhofo e bile go le thata go lemoga fa le utswilwe. Kgosi o kgalemile mokgwa o a menne phatla a supa fa seo e le kgokgontsho e bile go rontsha bana tshwanelo ya bone ya go ithuta le gone go ka ipatela bokamoso jo bo rileng. Ba ikgapetse botshelo Mongwe wa bagwebi ba ba lelang ka letlhoko la mmaraka ke Mme Goitsemang Dibere wa Molepolole, yo o dirang kgwebo ya makgabisa a Setswanajaaka megopo le di nkgwana ka go dirisa pampiri le dipeo tsa ditlhare. O tladitse ka gore karata eo, e kgona go dirisiwa kwa mafatsheng a mangwe jaaka Afrika Borwa, Zimbabwe le Namibia. Basekisiwa bao, e bong Kepaletswe Majahi le Mpho Ramoswang ba Morwamosu ga mmogo le Onalenna Dihawa wa Kokong ba lebisitswe molato o le mongwe wa go utswa leruo ba sena go fitlhelwa ka dikgomo di le nne Seetebosigo e tlhola malatsi a le lesome le boraro monongwaga go bapa le Morwamosu. Motlhatlhelela dithuto kwa Unibesithing ya Botswana Professor Mphemelang Ketlhoilwe a re Batswana ba tshwanelwa ke go lebogela go bo babusi ba pele ba ne ba ba neela mpho ya kagiso. Ke gone ka moo a neng a lebogela badiri bao go nna le mogopolo o, a re se ba se dirang ke sesupo sa gore ba lemoga fa go lwantsha borukutlhi e le maikarabelo a botlhe e seng mapodisi fela. O ne a kopa gore le ene Tautona Khama a direlwe dimpho tse di kgotsofatsang e sere gongwe ba gaisewa ke dikgaolo tse dingwe. A re morago ga go wetsa leeto le komiti e ne ya busetsa phetolo ya thomo e ba neng ba e rumilwe kwa morafeng. Rre Kapinga o ne a gwetlha bangwe ka ene gore ba itse fa ba ba kgatlhanong le bone ba phathi e e busang ba le marapo e bile bangwe ba ya go intsha ditlhabelo. Le fa go ntse jalo, banni ba itumeletse tsela e e tla dirwang ka madi a kana ka P2 billion, e nang le ditsela tse dingwe tsa Moshupa, Ngwaketse borwa le botlhaba. Boipuso jwa ngwaga ono bo haphegile A re letshego la botho le ba gwetlha go diragatsa setho, lerato le bopelotlhomogi, ka jalo ba na le maitlamo a go tsenya letsogo mo go thuseng ba ba seng lesego mo botshelong lefatshe ka bophara. Tsela e, a re e ama thata ka fa ba a rekang dithoto kwa go bone ba di mo tsisetsang ka teng; a supa gore fa a rekile dithoto nako e le nngwe le bagwebi ba bangwe, ba ba direlang kwa go nang le ditsela tse di siameng teng, ene dithoto tsa gagwe di isiwa kwa bofelong, ka ba ba mo tsisetsang dithoto ba ngongorega gangwe le gape ka fa tsela ya motse wa bone e ba senyetsang koloi ka teng; mo e bile ba kgonang go palelwa ke go thusa bagwebi ba bangwe fa a iseditswe pele. Ba re le ntswa mananeo a tshwana le ISPAAD, Ipelegeng a lebanwe ke dikgwetlho dingwe tse di a paledisang go tsamaya ka thelelo mme a tsweletse ka go fetola matshelo a ba le bantsi. Rre Molefhi o solofeditse morafe fa seemo sa tlhaelo ya melemo se tlaa fela ka puso e ikgolagantse le ba dikompone tse di rekisang melemo gore go nne motlhofo gore melemo e kgone go goroga kwa setshabeng. Le fa go ntse jalo, Mme Gwai a re tiro ya go tlhabolola lebala ke tiro e tona, ka jalo o kopile morafe go ba tswa thuso. Modulasetilo o tlhalositse fa batho ba le batlhano ba ba neng ba etetse kwa China ba ne ba tlhatlhojwa ba bo ba gololwa ka ntlha ya gore ba ne ba sa angwa ke bolwetse joo. Puso e lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya ditsompelo mo makalaneng mangwe, lephata la thuto le le mo teng, ka jalo e tlhoka go thusiwa. Le fa go ntse jalo, kgosi o supile fa borukutlhi e le selo se se tshwenyang thata gongwe le gongwe e bile gose motlhofo go bo nyeletsa. A re o simolotse ka go rekisetsa mo semausung se se gogwang ka koloi, a rekisa dimonamone le maungo mme lerato la gagwe la kgwebo ke lone le le dirileng gore a gole mo kgwebong le fa go na le dikgoreletsi. O ne a lemotsha Batswana fa lefatshe le wetswe ke seru sa COVID–19 go ntse go na le selelo sa tlhaelo ya metsi, ka jalo go le botlhokwa go dirisa metsi ka kelotlhoko. Mebala eo e ne e bonala gape mo dikgotleng tsotlhe tsa metse yotlhe ya Tswapong. E re le fa go ntse jalo, Rre Phia a re o tshwenngwa ke gore bontsi jwa babereki ba Ipelegeng ke banana ba a eletsang ba ne ba ka ithusa ka mananeo a mangwe a nyeletso lehuma ba tlogelela bagolo Ipelegeng. O ne gape a bolela fa bangwe ba baeteledipele ba lenaneo la Ipelegeng ba gana go thapa banana mme go sa tshwanela gore go nne jalo. A re barutabana ba sekole sa gagwe ba leka ka bojotlhe go tsenya bana mo tseleng mme ba itaya se fololetse. Botsheleng a re batho ka bontsi ba batla dinkgwana tse gore ba tle ba kgabise matlo a bone gape di tsenya malwapa a bone seriti sa gore ke Batswana ba ba sa ntse ng ba tshwere ngwao. Rre Tekane a re banka eo ga e a itebaganya le go adimisa le go boloka madi fela, mme ba inaakantse le ditiro dingwe tsa bopelotlhomogi le go thusana le batho mo ditlhabololong. Kgosi Lekgothu a re lenaneo leo ga le a bulelwa banana ka bone go dumelwa ele batho ba ba santseng ba ikgona ebile ba santse ba le basha mo loratong ba ise ba tlhaloganye botshelo jwa lenyalo. O gateletse gore batsadi ba tshwanetse go tlhokomela bana ka go nna ba etela sekole go itse gore bana ba bone ba dira jang, go balelwa le go tsaya maduo a bana ba sa romeletse. Sekole sa Matshekge se gatetse pele Mapodise a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna wa dingwaga tse di fa gare go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse morago ga go tlhajwa ka sengwe se se bogale ke monna mongwe kwa masimong a Chenkwakwa kwa Senete. Moeteledipele wa kereke ya Eloyi, Bishop Sekai Jakoba, o lebogetse kagiso e e neng e rena ka ditlhopho tsa setshaba. Mogolwane wa The Clicking Innovation, Mme Tsaone Moloi, yoo thusitsweng ka madi ke lephata la dipalamo le ditlhaeletsanyo a re o ruta bana ba ba senang sebaka sa go ithuta khomputara ko malwapeng le ko dikolong. Mothusa tona yo abileng ale mopalamenete wa Kgalagadi Borwa a re go a hakgamatsa gore dikhansele ka bontsi di bo di supile kgatelopele le maitlamo mo go diragatseng lenaneo leo mme fa kgaolo ya Mokwena kgobe di etse metsi. A re phaephe yone e botlhokwa, mathata ke gore ga a a fetisiwa sentle, a supa fa e le borai mo matshelong a batho, bogolo jang bana ba sekole ba a reng ba feta foo letsatsi le letsatsi. Mothusa mmatoropo wa Lobatse, Rre Francis Mokwena a re botswerere bo kgorelediwa ke tiriso ya ditagi le go nowa ga bojalwa phetelela. E rile a buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya Gumare, Tubu le Nokaneng, Rre Kwerepe a re e re ka mehama e mengwe e tshwana le ya temo-thuo e santse e haraharilwe ke manokonoko a di tsa tlholego, ke gone ka moo ba tshwanetseng go inaakanya le e mengwe e tshwana le ya go dira makgotla a go dira madi. Tshwaragano konokono - Thiite Dipompo le diphaephe di a dutla A re o kgona gape go dirisa motswere go betla dikika. Mme Motswetla o kopile barati le barotloetsi ba botaki le Batswana ka kakaretso go rotloetsa dikwebo tsa botlhami, botaki le bodiragatsi ka go reka ditshwantsho tsa bataki ba mo gae.BOKHUTLO World Group of Companies e abetse baithuti ba sekole sa Borotsi kwa Bobonong paka ya sekole mongwe le mongwe wa bone. A re go tlhoka gore go buiwe le bone ka tshiamo ya Modimo ka gore Modimo o siame ka dinako tshotlhe, mo bathong ba one botlhe. A re le fa go ntse jalo, kgwetlho e a kopanang le yone ke ditlhwatlha tsa merogo ka di na le go ya kwa tlase le kwa godimo. A re diaparo tsa bone di ne di kgatlha bontsi mme le ba ba neng ba kile ba reka ba ne ba ipoa seboaboe e bile ba ba tlela ka bareki ba bangwe, selo se a boletseng fa se ne sa ba supa kgatlhego mo bareking. Modulasitilo wa komiti ya tlhabololo tsa motse wa Khwee Rre Meshack Tseleng o ne a supa fa mananeo a Ipelegeng a tsweletse sentle, sediba se siame, kago ya ntlo ya LA2 e weditswe. Rre Kgosietsile o tlhalositse fa ba kgonne go bona dithuso go agela batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng matlo le matlwana a boitiketso. Mothusa modulasetilo wa mokgatlho oo, Mme Susan Jorosi, a re botsogo jo bo lolameng ke konokono ya go tshela sentle ka nako tsotlhe. Mme Thebeyakgosi a re molao o mosha ga o letlelele setshaba go tlhopha motho yo o kileng a roba molao wa lefatshe go nna leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse. Mme Garethata a re go lema a kgaoganya temo go mo fa sebaka sa gore a itepatepanye le go fetoga ga loapi a supa fa a dira seo ka go bo mo segompienong nako ya go tshologa ga pula go le matswakabele. Mongwe wa bagwebi ba Kanye e bile e le moruti wa kereke ya Muslim, Moruti Sakiri Khan e ne o ne a re pula e kganelwa go na ke maleo a batho jaaka go tlhoka go utlwa ga bana le batho ba ba bolayang ba bangwe. A re ba tshwanetse go tiisa go lwela botsogo le ditshwanelo tsa bone go na le go ba kgokgontsha kana go ba kgetholola ka seemo sa bone sa mogare ka gore ba fitlhela ba le mo diemong tse tsa botshelo ka mabaka a mantsi a a farologanyeng. Tsholofelo ke gore e re ka Mosupologo go bo go se ope yoo ipatang ka go tlhoka kitso ka mo nakong eno re ne re tlhaloganya go ka bona metsamao fale le fale ya bao gongwe ba tswang mo mafelong a a mo tikologong go tla go reka tse di botlhokwa. Mongwe wa bagwebi ba merogo mme Kenaope Segopa a re, ntswa a tlhaloganya seemo se se lebanyeng lefatshe sa go lwantsha kanamo ya mogare wa corona, o tshwenngwa ke tshwetso ya potlako e a reng e setlhogo, bogolo jang mo bagwebing ba ba botlana ba ba senang le tsone ditsompelo tsa go babalela dithoto tsa bone tse di senyegang. E ne e rile a baya makhanselara pele mogopolo oo, Rre Mandevu yo gape a leng mothusa-modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba a tlhalosa fa seabe sa dikomiti tsa batsadi le barutabana se le mo mpaananeng, ka jalo go le botlhokwa gore le bone ba atswiwe gore ba tle ba tshware tiro ya bone ka mashetla. Tona Batshu o ne gape a gwetlha batho ba Tutume go tla ka mananeo a a tlaa thusang go lwantsha matlhotlhapelo a a tsisiwang ke nnotagi. A re se se monate ka kgwebo ya go roka ditlatlana ke gore ga e tlhoke metšhine epe go ka dirisiwa ka a dirisa thoko le thipa fela go roka. A re ene o setse a iphotlhere fela ka tsa gagwe di sule di le 250 ka ntlha ya leuba le bolwetsi jwa tlhako le molomo. Mme e ne ya re Hirikgong a le 31 kgotla kgolo ya ditsheko ya reetsa kgang morago ga foo ya laola gore Kgosi Phologo a busediwe mo setilong ka a ne a sa bonwa molato. Ke simolotse go loga ditlatlana le mekgabisa ke le dingwaga tse thataro. E ntse e le mo diphuthegong tseo, Mothusa modulasetilo wa komiti ya balemi-barui, Rre Timothy Samoxa o ne a kopa mopalamente go ya go ba boletsa kwa pusong gore ke eng ditlhwatlhwa tsa matlhabelo a BMC di farologana ntswa e reka mo lefatsheng le le lengwe. Mafoko a, a builwe ke mogokgo wa sekole se se segolwane sa Kgolagano kwa Middlepts mo kgaolong ya Kgalagadi, Rre Alphius Ramotsababa mo puisanong bosheng. Fa a mo tlatsa, mothusa molaodi wa khansele-potlana ya Maun, Mme Gaehetswe Maphakwane o tlhalositse fa ofisi ya molaodi e ipaakanyeditse seemo se se ka tlhagogang . Kgosi o bile a supa fa dikgosana le baeteledipele bangwe ba motse le bone ba dira maiteko a go kgalema fela maiteko a a busetswa morago ke bangwe batsadi. Ntswa Rre Ntwaagae a rata go betla, o ne a ngongorega ka go re tiro ya go betla ga e na madi a mantsi, a bolela fa motshe e le P50 mme kika e nnye e e kgonang go setlela digwapa e le P100. Fa a tswa la gagwe, Kgosana Dipuo o ne a lebogela dimpho tse tona a di roletseng morafe, a re go a itumedisa go bona a tlhakanetse le bone tiro. Ke fiwa dithupana tsa morogo ke ngwanake yo e leng morekisi wa tlhwatlhwa wa morogo kwa Maun. A ba kgothatsa go bereka ka tlhwaafalo, a bolela gore go tlhatlosiwa maemo go tlhoka gore ba dire ka tlhwaafalo. Mapodise a Mochudi a tshegeditse banna ba le bane go ba thusa ka ditlhotlhomiso mabapi le kgang ya go thukutha ka dikgoka le petelelo. A fa motho a na le ntlo, o a bo a sireleditswe mo go tsotlhetse di kotsi tse di ka mo tlhagelang. A re keletso ya bone e le beng ba dikgotla tse ke go itirela madi a a ka ba thusang mo dinakong di tshwana le tsa gompieno tse puso e senang madi a a lekaneng go dira ditlhabololo. Rre Senai o tlhalositse gore koporase e lemoga gore dikopo tsa batho ba ba emetseng go gokelelwa metsi mo malwapeng di saletse kwa morago, mme seo se gakadiwa ke tlhaelo ya madi. Tiragalo eo e diragetse ka Matlhatso fa bobedi joo bo ne bo ile maitisong a dino. Fa a itebaganya le dikgang tse a tla di isang kwa palamenteng, Rre Makgalemele o rile o tla isa mogopolo wa go diega ga go ntshiwa ga maduo a ditlhopo, mme a ya go kopa gore go balwa ga ditlhopo go dirwe mo nakong e khutshwane, a tlhalosa gore go ntshiwa ga maduo, bogolo jang a bopalamente e nne letsatsi morago ga ditlhopho go tila tsietsego e kwa pheletsong e ka tsalang dikgoberego. A re dingwe tsa ditlhabololo tse a kopileng gore di dirwe mme di sa kgonagala, e tlaa bo e le ka ntata ya tlhaelo ya madi. O tsweletse a re kopo ya ga tautona ya gore go lebanweng go bonwe fa letlhoko le mathata a leng teng e a diragadiwa. Banni ba Ramonaka mo kgaolong ya Kgatleng Botlhaba ba boleletse mopalamente wa bone fa ba sa bone poelo le mosola wa tlhopho ya bone. Mo ngwageng ono o kaile fa dikgaisano tseo di ne di tseneletswe ke dipitse fela dile lesome le bobedi ka palo tse di karetsang letsopa la Tswana Breed, Cross Breed le Through breed. Fa a tswa la gagwe Rre Moswela o supile fa a sa itse sentle gore ke batho ba le kae ba ba iseng ba bone dithuso mme ba tswa ithutuntshong, le gore go agilwe matlo a dikoko le masaka a le kae a a iseng a tsenngwe diruiwa mo teng ka gore ene o mosha mo kgaolong. Sup Inspector Rakhobo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa go kgweetsa mokgweetsi a nole bojalwa e le one molato oo di gogang kwa pele fa go tshwantshwangwa le e mengwe e akaretsa go kgweetsa mokgweetsi a sena setlanakana,letsapa le e mengwe. A re pele ga kago eo, ditirelo di tshwana le go kala bana di ne di direlwa kwa ntle, fa balwetse le baimana ba ne ba fapaanela phaposi e le nngwe. Banni ba lebogela mananeo Go fitlhetswe setopo Mothusa Tautona, Dr Ponatshego Kedikilwe a re dikgosi di sa ntse di na le seabe se segolo mo pusong ya batho ka batho le mo go ageng setshaba. Dr Khudu-Peterson a re ba bone go tshwanela go simolodisa lekgotla le ka 2011 le monna wa gagwe Rre Jes Peterson, morago ga go lemoga fa banana ba metse e e kgakala le ditlamelo ba amilwe thata ke mathata a akaretsa go sa direng sentle mo dithutong tsa bone, lehuma, go tlhoka thotloetso go tswa mo botsading le letlhoko la ditiro le le kwa godimo. Fa a wetsa, o rotloeditse banana ba bangwe go ikemela ka dinao go na le go baya sengwe le sengwe mo maruding a puso. O tsweletse ka gore sese itumedisang ke gore fa e sale go ntshiwa mophato wa ntlha ngwaga tse pedi tsedi hetileng banana ba kgatlhegela ditiro tsa Setswana. O gatelela fa dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe. Ends Rre Vraay o ne a tlatsa ka go galaletsa ba khansele ya kgalagadi ka ba ba gopela lebala go baakayatsa dikgaisano, lekalana la boree la Men Sector ka thotloetso e ba e dirileng ya go abela bafenyi ba dipitse mo mabelong aa farologanyeng aa neng a tabogwa mo dikgaisanong tseo a akaretsa 600m, 800m le 1 000. A re mo motseng wa gagwe, ba tshwenngwa segolo bogolo ke bogodu jwa leruo le tshwana le dikgomo, dipodi le ditonki. Go sale foo, Kgosi Kgamane a seka a ipona tsapa go iteela beng ba leruo go bo ba dikile ba tlhokometse leruo la bone ka botswerere go gaisa dingwaga tse di fetileng, go le itsa go senya kwa masimong. A re gape ba na le tlhaelo ya bodiredi jo bo ka tswang ka bonako ka nako ya dibetsa tsa tlholego kana ba ba ka fegogelang go thusa ka jalo o kopile maphata go nna le batho ba ba tlaa nnang ba le teng go ragogela diemo di tshwana le tse. Go tshela ka bogole ga se sekgoreletsi mo botshelong, ka motho a ka kgona go dirisa botsipa jwa gagwe go ka itshela metsi mo ganong. Dibui ka go farologana ba supile botlhokwa jwa tonki le tiriso ya di-tswa tonking tse di farologaneng tse di dirang seruiwa se botlhokwa le go feta le fa ntswa phologolo e, go tswa goo lowe e sa tsewe ka tlhoafalo ebile e sotlakwa ke bao ba e ruileng. Mokhanselara wa Tidimalo kwa Serowe ebile e le modulasetilo wa komiti ya boipelego, Rre Solomon Dikgang, o boletse fa go rongwa mo go ntse jalo go dira gore ngwana a lekeletse se a se rumiwang mme pheletsong a bo a nwa bojalwa. Potso e ne ya nna gore ke eng a tlhopile go dirisa pente go na le didirisiwa tse dingwe di tshwana le dipensele go tshwantsha. Kgosi Sechele Kgari wa Kgotla ya Mokwena o lebogetse mpho ya ga Rre Phuthego le go rotloetsa batsadi go tlhagafalela dipitso tsa sekole. Kgosi o tshwanelwa ke tlotlo Kgosi Gaofenngwe Bome wa Kanye o tlhatlositswe maemo gonna moemela kgosi. Mopalamente o tlhalositse fa batho ba ba neng ba kopile lenaneo la nyeletso lehuma ba tlaa thusiwa mo kgaolong ya gagwe, a supa mananeo a go lemela balemi le la Ipelegeng a tlaa tswelela. Rre Mosweunyana a re dikgang dingwe tsa banana di setse di na le lobaka lo loleele mme se se dira gore go nne thata go rarabololwa ka le bosupi bo a bo bo setse bo seyo. Tebang le seo, a re ba ya go sekaseka dipeo tsa go nna jalo, tse a reng di tlhokana le bosupi. A re, temo e tshwanetse ya tsewa ka tlhwaafalo fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe gore lefatshe leno le emise go reka dijo di tshwana le mmidi, dinawa le mabele kwa mafatsheng a sele. Gone go iteisanwa borathana, dikhwaere dile pedi; ele khwaere ya Mosu go tswa kwa Delta le ya Bosele go tswa kwa Boswelatlou.Khwaere ya Bosele e ne ya ikgapela maemo a ntlha le dikete tse pedi tsa dipula morago ga gore ba supe maitemogelo le bothakga mo dikhwaereng; khwaere ya Mosu ya iphitlhela mo maemong a bobedi mme ba ikgapela sekete sa dipula.E rile a ema mokhanselara wa Woodhall, Rre Mantle, a akgola komiti e ya boipuso a re ba kgaogantse madi sentle gore mongwe le mongwe a tseye karolo, a boa a kgothatsa dikhwaere go amogela maduo, a re ba ba tsereng maemo a bobedi ba ye go ipaakanya gore nako e e tlang ba dire bontle le go feta. Temo e ya merogo,e ne e le yone e tshetsang ba lelwapa la bone ka kakaretso. Rre Ntwaagae a re tiro e ya go betla o e ithutile mo go ntsalae ka a ne a nna le ene a santse a le monana. O tsweletse a re baithuti ba tlhoka thotloetso, go gakololwa le gone go engwa nokeng mo dithutong tsa bone. Monni o abela sekole O ne a gatelela gore ga ba rotloetse balemi go dirisa dichefi go bolaya diolo ka jaana chefi e le borai fela thata mo matshelong a batho. Bomme ba ba simolotse kgwebo e ya bone ngwaga ono ka kgwedi ya Tlhakole, ba direla mo lapeng mme e bile ba iteile leina ba re Boiteko. A re go ngomola pelo go bona banana e le bone ba amegang ka bontsi mo dikgannyeng tsa go latlhegelwa ke matshelo ka ntlha ya dipolaano ka jaana e le bone letswai la setshaba ebile e le bone babusi ba kamoso ba lefatshe leno. Mopalamente o kopile banni go ikwadisetsa ditlhopho mme a supa fa a itumedisiwa ke dipalo tse di setseng di ikwadiseditse ditlhopho. Rre Boko o ne a tshwaela gore phathi ya BMD e ntse ke leloko la UDC ka go ise go nne le tshwetso ya go e koba kgotsa go e seegela fa thoko. A re dikgotlana tsa Mmadinare di dumalane go kokoanya P20 000 kgotlana nngwe le nngwe mme mo nakong ya gompieno go setse go kgobokantswe P1 million. Rre Collen Nakedi le ene o ne a bua a sa kgwe mathe, a supa fa maikutlo a bone a gogomogile ka jaana go sena sepe se se tsamayang sentle mo motseng wa bone. O ne a bo a lebogela kemonokeng ya maphata a mangwe ka go farologana a a mo kgaolong, a supa fa le one a na le seabe mo go kgoneng ga bone. E rile Mme Tshireletso a tsibogela dilelo le dingongorego tsa bone mabapi le go tlhoka go dirwa ga tsela e e tshwaraganyang Dibete, Mookane, Mmaphashalala le Makwate ga mmogo le tsela e e tshwaraganyang Makwate le Shakwe, a solofetsa gore le fa mmuso o santse o lebanwe ke kgwetlho ya tlhaelo ya madi, kgang eo ke nngwe ya tse a tlaa di bayang palamente ya kgaoganyo madi a setshaba pele ka jaana ba tswa kgakala ba ngongorega ka tsone. Alone: Moranodi wa popota O ile gape a kopa ba lekalana la Gender Affairs go oketsa bodiredi gore ba thuse batho sentle. Banana ba rutwa ka tsamaiso ya kgwebo O tlhalositse gore ntlo ya ditso e botlhokwa mo banning ba kgaolo ya Kweneng ka gore e itlamile go nna le seabe mo go fetoleng matshelo a bone. Diphuthego di lelela kwa Modimong A re go a itumedisa go bo ba ne ba seka ba lelala puso gore ke yone e ba thuse go dira tiro eo, mme ba ne ba itlhotlhora dikgetsi go thusa banni ba motse wa gagwe. Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Shaw Kgathi, a re e re le ntswa go na le matshwenyego a a diragalelang banni ba metse e e bapileng le molelwane, bontsi jwa one a gakadiwa ke banni ka sebele. A re dipotso tse di bodiwang le go lebelela sebopego sa matlo a a agilweng di tsile go paledisa bana ba bone go annywa meamuso ya puso e tshwana le lenananeo la nyeletso lehuma. Banana ba bantsi mono, ka jalo re tlhamile ditlhopha di le pedi gore re kgone go fana motshameko sentle, a tlhalosa. Mongwe wa dibui, Rre Samson Guma, yo e leng mopalamente wa kgaolo ya Bokone Botlhaba o tlhalositse fa Kgosi Jackalas e ne e le mogakolodi wa bone. Tautona wa diphathi tsa sepolotiki tse di kopaneng, Umbrella for Democratic Change (UDC), Rre Duma Boko a re phathi eo e tlhokana le makgotlana otlhe kwa tlase ga moriti o le mongwe gore ba kgone go tsaya puso ka 2019. A re batho ba kgotlana ya gagwe ba sale ba ikuetse gore mapodisi ba emise thekiso eo, mme go padisa gore mapodisi ga ba na dithata ka jaana bojalwa joo bo rekiswa ka fa molaong. O kaile fa kgang e tshwanetse go simololwa kwa lwapeng, e bo e feta ka kgotla ya tetlanyo pele e ya kwa kgotleng ya motse, a tlatsa ka gor e kgang e tshwanetse go tla kwa go bone e na le motlhala. Mokgatlho o thusa bomme Mme Radibe o tlhalositse fa ba tlhabolola ntlo lehalahala ya Sikwane. Lenaneo la nyeletso lehuma a re ga le tsamaye sentle ka mo ditshingwaneng tse 37 go ne ga dira le supa fela mme sebe sa phiri e le ditlhwathwa tsa metsi tse di kwa godimo. Fa a bua ka melao e mengwe, Rre Molebatsi o ne a supa fa molao wa bogodu jwa leruo le one o atolositswe. Rre Tatose o ne a supa fa mo nakong eno, maloko a dikomiti di le mmalwa tsa boithaopo ba latlhelelwa sepenyana go thusa go ba tiisa moko mo tirong ya bone. Rre Mogolo a re go botlhokwa gore balemi ba tlhatlhobe mmu wa masimo a bone ka seo se ka ba neela sebaka sa go itse gore mmu wa tshimo o tlhoka monontshane wa mofuta ofe gore o kgone go ntsha dijalo tse di nonofileng. Le fa go ntse jalo, o supile fa ba na le matshwenyego a tiego ya go amogela dijo tsa bana mo dikoleng tse di tlang ka go rotha. A re morago ga go itseela mofago wa molaetsa, morafe o tlaa tsamaela kwa makgotlaneng a bone go ya go tshwara logaba. A re mafoko a kgosi a agelwa mosako. A re diane di tshwana le bo lore le ojwa le sale metsi, maitseo namane ya moroba, tlhong botho, ke fela go supa gore motho o na le boikarabelo jwa go ikaga go nna motho mo setshabeng. Mo kakgelong ya gagwe, Kgosi Ponatshego o supile fa a rata Kgosi Saki thata ka e bile a mo godisitse. O ile a gwetlha maloko a Domkrag go lebala ka diphathi tsa kganetso a re sa tsone ke go kgala fela, a tlatsa ka gore phathi ya BDP e na le motlhala o mang le mang a o bonang. Thoromo e ya lefatshe e utlwetse mo mafelong a le mmalwa mo Botswana a akaretsa Gaborone le mafelo a a mabapi, Lobatse le mafelo a a mabapi gammogo le Jwaneng. A re tiragalo eo e diragetse mo nakong ya bo lesome mo mosong, a bega fa dilalome tseo tse di neng di ipapanne ka dibetsa tse di bogale, e ne ya re go le pele tsa tlhasela lelwapa lengwe mme ba thukhutha mme yo a neng a le nosi wa mmereki madi a a kanang ka di dikete tse tlhano tsa dipula. Tona o tlhalositse gape gore kereke e tshwanetse ya rotloetsa go nna tlhaga mo tirong le go nna bopelotelele. O boletse fa moalo wa kago ya leobo o sale o dirilwe ke ba moepo wa BCL mme go solofetswe gore leobo le le agwe ka P3 million. O ne a leboga phuthego ya kereke eo ka boithaopo le lorato jo ba neng ba bo supile ka go koleka didirisiwa mo kagong eo gareng ga tse dingwe e leng dikgetsana tsa semente, ditena, le matlapa. A re ga e gopiwe mme e bile ga e dirwe sepe gotlhelele. Kwa Maape, Rre Selala Boitshwarelo yo e leng monana ebile e le mongwe wa baithaopi ba ba thusang go lwantsha borukutlhi o boleletse mopalamente gore borukhutlhi ga bo fokotsege ka lebaka la gore batsadi bangwe ba bipa mpa ka mabele fa bana ba bone ba sentse e re morago ba felele ba nna le letlhoo mo go bone. A re o ne a tshwanelwa ke goya kopa go latsa tlhogo kwa tsaleng ya gagwe ka go ne go le borai go lala mo ntlong eo. A re go botlhokwa gore borre ba ithute go amogela gore lorato ke selo se se kgonang go fela. Makhanselara a phathi e e busang a batla setilo Mafoko a, a boletswe ke kgosi ya motse wa Takatokwane kwa letsatsing la botsogo le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa gagwe ka Labotlhano. A re mo dingwageng tse di fetileng sekole se segolwane sa Ghanzi se ntse se dira sentle.A re sekole se, se amogela baithuti b a ba sa dirang sentle mme ba ntsha maduo a a botoka go nale a moithuti a tseneng ka one go tswa kwa sekolong sa magare. A re go botlhokwa go dirisa lefatshe fa o na le lone go na le go le rekisa ka bangwe ba dirisa madi botlhaswa mme ba palelwe ke go itshetsa. Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, Rre Prince Maele jaaka a ne a bula semmuso ntlo yoora Makgolwane kwa Lerala ka Labotlhano (12/09/2014). Morafe o rotloediwa go kwadisa ditsha Mokhanselara wa Tsabong Botlhaba Rre Nelson Motsewapuo fa a amogela dimpho tseo one a galaletsa thata baithuti ba pele ba sekole sa Matsha a kaya fa ba dirile tiro e ntle ya go abela balwetse mo sepateleng sa Tsabong. A re go a tshwenya gore e re le ntswa bogodu bo golela pele go bo go santse go lwantshiwa borukutlhi ka baithaopi ba sepodise, jalo a re nako e tsile ya gore go sekasekwe gore a methale ya pele ya go lwantsha borukutlhi e tshwana ya dikomiti tsa twantsho borukuthi gammogo le mephato di ka se busediwe go gagamatsa le go nonotsha go lwantsha borukuthi mo motseng. BOPA A re ba lemogile fa go amogelela ditirelo fa go siameng, ga mmogo le go ja dijo tse di rileng go na le seabe se setona mo go nneng le botsogo jo bo eletsegang. Rre Magagane o tlhalositse fa ba ne ba dirisa P12000 kgwedi le kgwedi go duela batshameki ba le bane gammogo le mokatisi. Mme Sesoma a re o kgonne fela ka go boloka madi mme gape a feletsa a itheketse dipodi. Le fa matsubutsubu a diphefo a nnile teng, ke leboga gore le lemogile gore ga gona kgotlhang e rarabololwang ka go thuba phathi. Ba Maboane ba ipelela ngwao Bomme ba itshetsa ka Motswedi Laundry Le fa go ntse jalo, a re ga se bone fela ka gore badirelapuso ka bontsi ba tshwere ka natla go araba mokgosi o o kuilweng ke Tautona wa gore go lekwe go thusa setshaba fa go tlhokafalang teng. A re thulaganyo ya manyalo a bone gape ga e itse gore ba ka sala morago ditsamaiso tsa ngwao di tshwana le go ntsha magadi. Modulasetilo wa khansele ya Bobirwa, Rre Nathaniel Moribame a re khansele e dirile go le gontsi mo ngwageng wa 2016 ntswa go ne go na le dikgwetlho. Go lebega dipalo tsa banana ba ba lelang ka letlhoko la ditiro di tla a fokotsega ka ba tsweletse ka go inaakanya le mananeo a puso go tokafatsa matshelo a bone le gone go ipulela dikgwebo gore ba kgone go tlhama mebereko. A re ere ka lefatshe leno le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ntse le ipusa, ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go balelwa le banana go nna le seabe mo ditirong tsa go baakanyetsa meletlo ya boipuso jwa monongwaga ka e le lone letsatsi le lefatshe leno le boneng kgololesego ka lone. Makuku a naka tsa kgomo banana ba santse ba natefelelwa ke dikobo ka fa gongwe e a bo e le gone ba gorogang go tswa maitisong, fa ba bangwe ba robetse, Lekolori e ne o a bo a thinkgetse a duba borotho, a swaa seswaa le serobe a sa bolo go se kgoba. A re bone e le ba BCP ba ya go leka go tsholetsa madi a phimola keledi, fa leruo le le tlodileng molelwane le bolawa, gona le P400.00 o fiwang batho mo nakong eno. Godisetsang bana mo Modimong - kgosi Rre Kagisanyo o tlhalositse gore ba simolodisitse lenaneo le mo mophatong wa borataro, mme mo nakong eno baithuti bao ba dira sentle fela thata e bile ke bone ba gaisang sekole sotlhe. O rotloeditse setshaba go tsena mo temong ka e na le mmaraka o montsi mo lefatsheng leno. A re motse wa Serowe o tletse ka diruiwa di tswhana dikgomo le dipodi tse a reng di baka dikotsi ka di gobea gongwe le gongwe, ka jalo o kopile batsadi go fodusa loruo la bone go le isa kwa mafelo a a tshwaneng. A re go botlhokwa gore ba ba nnang ba le nosi ba hire dikompone tsa itshireletso(security company) gore di sale di ba tlhokomeletse ka nako ya fa ba seyo. A re batsadi ba setse ba tsholeditse diatla ka ba setse ba palelwa ke bana. O kopile batsadi go tlhokomela dibuka tsa bana, go lomagana le barutabana ba bana ba bone le gone go duela madi a ditlhabololo magareng ga tse dingwe. Mme Gabathusi o gakolotse setshaba go itshwara sentle le go ikgolaganya le ba ba lebaganyeng fa ba na le mathata. Dithapelo tseo tse di neng di gogwa ke Moruti William Motshabi le bangwe ka ene, di tshwarwe jaana morago ga gore motse wa Tati Siding le lefatshe leno di amogele dipula tse di namagadi bosheng. E ne e rile go le pele fa a amogela baeng, Kgosi Molebatsi Moroka wa Lerala, a kopa banni go leba kwa morago mme ba eme puso nokeng ka tse e di dirileng go simolola lefatshe leno le ipusa. O kaile fa lefelo la teng le obamelwa, go tlotlwa le gore ga le a tshwanelwa go tsosediwa modumo. A re bomme ba tshwanetse gape go amusa bana fela jaaka ba botsogo ba laetse ka jaana go na le mabaka a go dira jalo. A re fa motho a na le bokgoni go dira mo lenaneong la Ipelegeng go a letlelesega gore a thapiwe. A re le fa go na le bangwe ba ba tsweletseng ka go supa fa e sa dire go lekanye go tlhabolola lefatshe, go botlhokwa go supa tse e di dirileng. Mosetsanyana, yo o dingwaga tse di boferangbongwe le mosimanyana yo dingwaga tse thataro, ba tserwe ke metsi ba leka go kgabaganya molapo ba tswa sekolong ka Mosupologo. Modiri wa lephata la temo le leruo kwa Bobonong a re lenaneo la ISPAAD le tsweletse sentle. Kgosi ya Radisele, Rre Kakanyo Botoka, a re o tshwenngwa fela thata ke borukutlhi mo motseng wa gagwe mme e bile o itlamile go bo lwantsha ka gotlhe mo go ka kgonagalang jaaka malatsi a keresemose le ngwaga o mosha a atamela. Mme Lekwe a re ba lemogile fa batho ba sa itse sepe ka mefuta ya kgokgontsho. Mme Mokiya o ne a tlhalosa fa thuso ya potlako e ka dirisiwa kwa tirong, mo lwapeng le mo koloing fa kotsi e diregile. FNBB , Culture Spears ba abela sekolo Superintendent Magalila o ile a kopa bakgweetsi go tlogela mokgwa wa go pega batho ba ba s a ba itseng bogolo jang bosigo ka go dira jalo ba tsenya matshelo a bone mo diphatseng. E rile a latedisa ka loeto la botshelo jwa gagwe, Rre Puku a tlhalosa fa morago ga go direla kompone ya Curry Pot kwa Gaborone ka lobaka a bona go tshwanela go tla go thusa ba gaabo. Mme Gaotloge o ne a supa fa ba ikaeletse go tswelela ba dira tiro eo mme ba sa itebaganya le ba ba tsenang kereke ya bone fela a tlatsa ka gore maikaelelo a bone ke go thusa mongwe le mongwe. Mme Motshidisi a re ba tswa kgakala ba thusa ba ba tlhokileng lesego ka go ba abela ngwaga le ngwaga mo go se ba se kgobokantseng ka mengwato. O ne a leboga kereke ya Spirit Embassy go ba tswa thuso, segolo jang ka paka ya mariga e simologa. Rre Mogolwane a re o setse a iphotlhere morago gore tumalano magareng ga gagwe le moepo e seka ya diragadiwa. Mo potsolotsong bosheng, mogolwane wa mapodisi a central kwa toropong ya Francistown, Superintendant Lebalang Maniki a re ba tlhotlhomisa kgang e mo go yone mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le bone a sa leng a rekile koloi kwa United Kingdom mme le mo nakong eno a santse a lebile tsela. Toro e e ne ya tswa nnete ka e ne ya re ka 2015 ba bo ba simolodisa madirelo a bone a a bidiwang Power Fashions. Rre Keareng o ne a supa gape gore baikopedi bangwe ga ba diragatse ditirelo di tshwana le kgokelo ya metsi le motlakase ka jaana ditirelo tseo di tlama moikopedi gore a bo di le teng pele ga tiro e ka simolodisiwa. Rre Kawina a re Bakwena ba tshwanetse go intsha setlhabelo ka go abela ntlo ya ditso didirisiwa tsa botlhokwa tsa ngwao ka gore ntlo eo ga e mo maruding a lephata la ditso le ngwao fela mme ke ya Bakwena ka bophara. Fa a bua kwa phuthegong ya phatlalatsa, Rre Boko o ne a re bone e le ba kganetso ba tsaya ditlhabano tsa ntlwa tse di boitshepo. Mokhanselara wa kgaolwana ya Boseja Bokone Rre Nico Folae a re ba kabo ditsha ba ne ba ka bo ba batlisitse pele gore bomaipaafela ba bakiwa ke eng go na le go ba thubela. Go tswa ka 2010, khansele-potlana ya Palapye e ne ya amogela dikopo di le 517 go fitlha gampieno go tswa mo dikgaolong tsa bopalamente di le tlhano, mo go tsone 247 e le ba kgaolo ya Palapye fela ba mo nakong eno go thusitsweng ba le some. Rre Ngoma o ne a kgothatsa baithuti go tsaya dithuto ka tlhoafalo, go ikgapha mo go tse di maswe jaaka go goga motekwane ga mmogo le go nwa majwala. Ka jalo a re go a swabiswa go bo Tautona wa lefatshe leno Lt Gen. Leloko la lekgotla la Botswana Land Board Local Authorities and Health Workers Union (BLLHAHWU), Rre Edwin Magori a re makgotla a babereki ga ba rotloetse tshenyetso setshaba. Bokopano jo, bo ne bo rulagantswe ke ba moepo wa Karowe ba tshwaragane le komiti ya ipabalelo tseleng ya Boteti. Modulasetilo o ne a bolela fa kgaolo e ne ya nelwa ke dipula morago ga nako go na le jaaka go tlwaelesegile, mme seo sa baka gore balemi ba simolole go lema morago ga nako le ka yone kgwedi ya Mopitlo tota. Baabelwa ba ne ba fiwa dimpho tsa dikobo le dijo. O kaile fa ba ne ba dumalane gore leloko lengwe le lengwe le ntshe mo pateng go reka melora le diaparo go abela ba ba tlhokileng lesego mo botsehlong, go ja dijo tsa motshegare le bone e le tsela nngwe ya go ba supegetsa lorato. Kwa Dibete gone ba itumeletse ditlhabololo tse di tlaa dirwang ka lenaneo la ESP jaaka go atolosiwa ga kokelwana, go dirwa ga tsela e e tshwaraganyang metse ya Dibete, Mookane, Mmaphashalala le Machaneng e ba tlhalositseng fa e tlaa imolola tsela ya Gaborone/Francistown morwalo. Molalediwa wa tlotla wa kereke ya Lutheran Church ko Lokgwabe e e itsegeng ka Lutere, Rre Paul Cooper fa ema kokoano ka lefoko o ne a re ga ba tshwanela go ntsha dikabelo ka mokgwa wa go gaisa mongwe kana go galelediwa. Borukutlhi jo bo golelang pele kwa Tati Siding bo tshwentse Kgosi Simon Nkgageng. Mookamedi wa lephata la dijalo, Rre Galeitsiwe Ramokapane o kopile balemi ba kgaolo ya Serowe borwa go inaakanya le methale ya temo ee tlhabolotsweng. A re ditiro tse di akaretsa tiriso botlhaswa ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase mo tlhakanelo dikobo, go inyadisa, go ima kgapapetsakgapetsa ga banana, go tlhoka tlhompho mo bagolong le tse dingwe ka go farologana di tsaya phekelo e sele. Mme Matshara a re ba lemogile fa baithuti ba sa tlhwaafalela dithuto tsa bone ka go setse go itshupile ka makwalo a ba a tshwereng mo bangweng baithuti ba basetsana le basimane ba kwalelana makwalo a marato. Rre Rapoo o kopile banale-seabe go rotloetsa ba ba sa ikwadisang go ya go ikwadisa mo ikwadisong ya tlaleletso e e tla tshwarwang kgwedi ya Motsheganong e rogwa, e a tlhalositseng fa e tla tsaya malatsi a le lesome le borobabobedi fela. O tsweletse ka go re e re ka jaana a santse a le mosha mo thuong ya dinotshi, o dira tsina fela mme keletso ya gagwe ke gore fa a gola mo kgwebong a dire ditlolo tsa melomo le go bona kgwebo ya gagwe e godile e bile a ruela mo tshimong. Kgosikgolo ya Bangwaketse, Kgosi Malope II, o boloditse letsema. Gape o kaile fa a na le Mme Agang Dithogo mo kgwebong ee mme a re ba na le kgwebo ya mofuta o ko Gaborone, e e tsamaisiwang ke ene mme yoo. O tlhalositse gore ka a lemogile fa bagodi ba etela kwa posong, kwa e leng gone ba thusetswang thata teng, ba ile ba buisana le bagolwane ba poso gore ba kope bagodi go ema gore batle ba supe mowa wa lerato le gone go ba ruta ka botlhokwa jwa letsatsi le. Col Motlalekgosi o kopile setshaba go ikaga go fokotsa dipalo tsa magolegwa kwa dikgolegelong. Are go tlaa bo go se maleba ka jaana babereki bao ba bereka ka go fapapaana kgwedi le kgwedi ka jalo madi a lenanaeo leo a ka felela mo diaparong. Mogolaganyi wa kgaolo wa dibetso tsa tlholego, Rre Stanley Ndhlovu a re barulaganyi ba setse ba rutuntshitse batho ba ba laolang manokonoko a dibetso tsa tlholego kwa Zambia, Namibia, Malawi le Swaziland. Rre Sebigi a re bokamoso jwa chaba bo ikaegile ka mme, le jwa lephata lengwe le lengwe bo beile mo go mme. O ne a tlhalosetsa baithuti ba ba thusiwang ke puso, go tlhaloganya fa puso e dira ka natla go leka go tlhabolola matshelo a bone gore ba nne le bokamoso jo bontle, mme a ba kgothatsa gore le bone ba tseye maikarabelo ka matshelo a bone. Mme Montlafatsi Gaoakanye wa kgotla ya Mabudi kwa motseng wa Takatokwane a re a re ene o inaakantse le lenaneo le ka ngwaga wa 2009,mme a thusiwa ka madi a a ka tshwarang P98 000 go ipulela kgwebo ya go roka e a supang fa e kgonne go tlhamela banana bangwe diphatlha tsa mmereko. Banni ba metse eo, ba ne ba lekodisa tona ka matshwenyego mangwe a ba nang le one mo metseng ya bone jaaka tlhaelo ya metsi, kanamiso ya motlakase, seemo sa ditsela le tse dingwFa a araba mabapi le matshwenyego a banni, modiri go tswa mo lekalaneng la metsi la WUC, Mme Lesego Ikaneng o ne a tlhalosa fa ba leka bojotlhe go netefatsa gore batho ba bona metsi ka dinako tsotlhe le go tsibogela go dutla gope mo go teng Baruti ba monela marulana pele Go ya ka Kgosi Ewetsemang Retlhatloleng wa Letlhakane, go matshwanedi gore batho ba ka simolola ba ratana ka se e le tsela ya go itsane a re mme go ya ka ene go ratana ga go a tshwanela go tsaya lebaka le le leele mo bana ba felelang ba tsholwa kwa ntle ga lenyalo. A re kgokgontsho e ama dikgang di tshwana le go kganela ngwana go tsena sekole, go mo tima dijo le go roma ngwana dino kgotsa ditagi. O ne a tlhalosa fa kgwebo e tlhoka boitshoko ka a ne a kgona go nna dikgwedi di feta pedi go sena bareki, mme a seke a itlhoboge. Ba re ba dumela gore ga ba na go letlelela dikgwetlho dipe go ba ema tseleng ka maikaelelo a bone ke go bona matshelo a bone a tokafetse. O bolela gore mo lephateng leo, ba sidila bana maikutlo, go ba nonotsha gore ba ikamogele, ba emelelane le dikgwetlho tsa botshelo. Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Salepito o supile fa magodu ka bontsi e le banana ba basimane ba ba tlogetseng dikole. Puso e tlaa oketsa dithuso tsa leuba Ba le bane ba tlhokafetse Kgosi wa Tsokatshaa o a kgalema A re ba tshwanetse go lemoga gore dithapelo tsa bone tse bane badi tshwara tsa go kopa pula di arabilwe ka jalo go botlhokwa gore ere ngwaga oo tlang ba tlise thobo ee fetang ya gompieno gore kopo ya bone etle e reediwe. Batho ba ba tshelang ka mogare wa HIV ba rotloeditswe go tsaya kalafi ka fa go tshwanetseng ka teng. A re seemo seo se ne se batla kalafi, ka jalo ka 2012 ga tlhongwa setlhopha se bidiwa Re a Nyalana go tsaya boikarabelo jwa go rarabolola mangwe a matshwenyego a a bonweng ke lekoko le le neng le romilwe ke Tautona. Monana wa Takatokwane o inaakantse le lenaneo O kaile fa a kgonne go aga lefelo la kgwebo e le ofisi ya dikamore tse pedi a bo a e gokela motlakase le go tsenya metsi mo setsheng sa kgwebo ga mmogo le go oketsa le metshine e a rokang ka yone a supa fa ele phitlhelelo e a saleng a e lora. Mme Mooketsi o tlhalositse gore maiteko a bone a go thusa bana ka dibeke tsa motlakase wa marang a letsatsi ba batla gore a tlhapisiwe ka maduo a sekole a a tokafetseng. Ka jalo Mme Lesole a re dikago tseo, bogolo jang tsa borobalo jwa baithuti, di arabile selelo se se tswang bogologolo sa banni ba Maunatlala, Mokokwana, Mosweu le Seolwane, se ba neng ba lopa puso go di aga. Fa o tsena mo Mmashoro ga gona monni yo o sa mo itseng ka tse a di betlang di tshwana le dikika, metshe, dintshwana, diphetlho le mehinyana. Ba re ba tswa kgakala ba ikuela ka seo mme le jaanong jaana ga go nko e e tswang lemina. Modiri wa lekalana la CEDA go tswa kwa Gaborone Rre Moemedi Gaoforwe o rotloeditse bagwebi ba ba botlana ba kgaolo-potlana ya Mahalapye go tia moko mo dikgwebong tsa bone. Fa a leboga, Mme Lemonate Kolanyane o ne a lebogela batsadi bopelotelele jwa bone mo thuto-puisanyong eo, gammogo le ene yo o tsileng ka lenaneo leo, a re ke morutabana wa tlhwatlhwa. Palapye o simolodisa kokelwana ya itlhatlhobelo kankere A re ba tla thusana go nonotsha borre ba bangwe, go ba tshegetsa le go ba bontsha tsela e e siameng. Erile a ntsha la gagwe Mothusa kgosi ya Moshupa Kgosi Kwelagobe Mookodi a kopa batsadi gore ba ise bana ba bone kwa kgosing gore ba alafiwe ka thuba fa ba dule mo tseleng. O ne a kopa sechaba le bagwebi go ba thologa mokgosi gore ka ngwaga wa 2016 re bo re nale tshaba e e rutegileng ebile e na le kitso ka jaana bana e le bone bokamoso jwa lefatshe leno. E re ka metlhala ya khumo e le mentsi e tlhoka balati, monana mongwe wa Shoshong o ipuletse kgwebo ya maranyane a dibala makgolo go ntsha batho ba motse wa gagwe kwa morago mo mererong ya tsa boranyane. Tona wa lephata la pereko le selegae, Rre Edwin Batshu, a re go obamela molao e tshwanetse ya nna boikarebelo jwa Motswana mongwe le mongwe. Balemi ba Thamaga ba kgothaditswe go ipaakanyetsa letsema gore thobo e tle e nne ntsi. O kopile gore bagolwane ba Ipelegeng ba iphe nako go lekola le go sekaseka lenaneo leo gore le dira jang. Moeteledipele wa kereke ya Christian Holy Spirit Church in Zion mo Kgalagadi, Arch Bishop Phuthego Mereyabone a re kereke e tshwanetse go nna sekao mo go supeng mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato mo setshabeng ka go abela ba ba tlhokileng lesego mo botshelong ka nako tsotlhe. Fa a itebaganya le badirelapuso mo motseng oo, o ne a re ba tshwaraganetse tiro le morafe wa Molalatau go sena selabe sepe. Mme o supile gore fa motho a na le maitlamo le maikaelelo a go nna mogwebi wa tlhwatlhwa, o tshwanetse go ikemisetsa dikgwetlho dipe fela tse di ka tlhagogang go sa kgathelesege gore di bokete bo kae. A re se se ka tswa se bakwa ke gore di na le mmaraka. A re palo ya ditsha tse di neng di setse di le teng ke makgolo a mararo le masome a mararo le bosupa di akaretsa tsa motse, masimo, kgwebo, sediba, letamo, lefelo la bojanala le tsa ditlhabololo tsa motse. Barutabana le batsadi ba Metsibotlhoko ba ne ba tshwere moletlo wa go akgola bana ba sekole sa Metsibotlhoko ba ba dikileng ba dirile sentle mo lekwalong la bosupa. O tsweletse ka go supa fa ba leka ka bojotlhe go bereka le dikomiti tsa motse jaaka ya ditlhabololo tsa motse ga mmogo le yone ya badirelapuso go bona gore ba ka rarabolola bothata ja maduo a a kwa tlase jang. Ba ne gape ba lela ka dinako tsa pereko tse ba supileng di le ditelele ntswa dikatso di le kwa tlase mme e bile le diaparo tsa itshireletso ba sa di neelwe ntswa ba direla mo mafelong a a tlhokanang le kapari e e faphegileng. Mme Cecilia Matlapeng a re ga ba jesiwe diwelang ke letlhoko la metsi ka jaana a le botlhokwa fela thata bogolo jang ko kokelwaneng. Tshekatsheko ya nyeletso lehuma ga e lebe matlo Superintendent Maphephu oboletse fa mokgweetsi wa koloi a sa bona dikgobalo dipe tse di masisi ebile ane a siya morago ga tiragalo e mme ya re letsatsi le le latelang ba duleletsholo ba kgona go mmona kwa a neng a iphitlhile teng. Ka jalo, se se ka fokotsa dipalo tse di golang tsa batho ba ba angwang ke kankere. Ke tsaya maele le dikgakololo tsa bone ka tlhoafalo. A re go na le tsamaiso e e lolameng gore modiri ope fela wa lephata lepe a ka ya go dira ditirelo kwa malwapeng. Mme Keoitsi o boletse fa ba kgobiwa ke batho ba motse gore ke bone ba kanokang batlhoki le ba ba tshwanetseng lenaneo la nyeletso lehuma, mme a bolela fa tiro eo e dirwa ke bommaboipelego eseng bone. A re ba ipeetse seelo sa go tlhomamisa fa dikopo tsa batho ba le 57 ba ba ikopetseng mananeo a a farologanyeng di di tlaa bo di sekasekilwe le go arabiwa pele kgwedi ya mopitlo e khutla. Fa a bua mo potsolotsong le O boletse fa nngwe ya dikgwetlho tse batsadi ba lebaganeng le yone e le tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi ke banana. Palapye o tswa diphaleng Mme Dingalo Sepae le ba lapa la gagwe ba ka nna lesome, le baagisanyi ka ene ke bangwe ba ba iseng ba sekasekwe. Moruti Pema a re baruti ba tlhoka badirelapuso mme badirelapuso le bone ba tlhoka baruti. O bile gape a gatelela gore botlhoki bo supiwa ke dilo tse dintsi di tshwana dikago le tse dingwe. A re gantsi o thusiwa ke ngwana wa gagwe go loga ditlatlana mme e bile a ikaelela go ruta bana ba gagwe botlhe go loga gore e nne boswa jo ba ka salang ba itshetsa ka jone fa a setse a hulere. Kgosi o kopa banni go tsenya letsogo A re matlo ao, a aname le metse e e agang Palapye le ene Palapye o bonye sengwe mo kagong ya matlo ao. Mme Chikunyana o tlhalositse fa se ele kemo nokeng mo maitekong a puso a go lwantsha HIV/AIDS. A re selekanyo sa dijo tse lefatshe leno le di rekang go tswa kwa lefatsheng la South Africa ke masome a robabobedi mo lekgolong ka jalo ke nako ya gore lefatshe leno le itirele dijo Rre Maele, yo ebileng gape e le mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala, a re seemo sa loapi se fetogile mo malatsing ano mme ga se sa tlhole se tshwana le pele ka jalo bontsi jwa balemi ba ekabong e le bone ba tsosolosang serodumo sa temo ba felela ba tsaya temo gore ke kwa ba intshang bodutu teng fela. O tlhalositse gore ka thuto-puisanyo e, sepodisi se tlaa amogana dithuto le setshaba mo dikgannyeng di tshwana le go somarela bosupi fa go nnile le borukutlhi kana e le ba ba utlwisitsweng botlhoko ka tsela nngwe. O rile ba ne ba tloga ba ikopanya le bo-mmaboipelego ba kopa dithuso mogo bone, ka ebile molao osa letle gore bane ba ka apeela mo lwapeng. Banni ba Serowe ba Ipeletse thobo ee nametsang eba e boneng monongwaga. Ba tsweletse ba tlhalosa fa thuo ya mofuta o, ele motlhofo ka e sa tlhokane le tiro e ntsi le fa ele babereki ba bantsi. Rre Kwabala o tsweletse ka gore batsadi ga ba rute bana ba bone go tlhapa matsogo pele ba tshwara dijo. O ne a rolela banni ba motse oo Kgosi Saki Gabanamotse yo o ntseng a tshwareletswe ke rangwanaagwe Kgosi Ponatshego Gabanamotse. Mothusa mokwaledi mo khanseleng ya Lobatse, Rre Mike Taukobong, o ne a gakolola morafe go duela madi a ditlamelo ka gore fa ba nna maoto a tshupa go di duela go baya khansele ka fa mosing go ka tsamaisa ditirelo tsa yone ka tshosologo. Go tlhalositse jalo banana bangwe ba motse wa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba ba akotseng lenaneo le mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng. Rre Marumola o kgothaditse baithaopi ba Good Hope go tia le go nonofa a re ba tsepame mo maikaelelong a bone a boithaopo. E rile a tswa la gagwe, mogolwane wa tsa thuto mo sekoleng seo, Mme Ntlhoki Mokhunthedi o tlhalositse fa letsatsi le tshwana le leo, le thusa go rotloetsa bana ka tiriso le botlhokwa jwa motlobo wa dibuka. Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Medie, Rre Mothusi Akanyang, o supile fa ba sa tlhole ba na le lefatshe la masimo. O kaile fa go le botlhokwa gore bana ba rutwe ba sa ntse ba le bannye mo dikgannyeng di tshwana le tseo ka seo se ka thusa mo go goleng ba tlhaloganya ebile ba na le kitso. Rre John Thiite o buile jaana mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Qabo, Kuke le Dakar bosheng. Rre Autlwetse o supile gore e ne ya re morago ga foo, Rre Phologo a ya go batla kemedi ya semolao mme kgang ya sekwa gape makgamu oo mabedi a emetswe ka tekatekanyo. Rre Ramosesane a re seemo sa ditsela se bifetse pele morago ga dipula tse di mashetla tsa ga Dineo. Mogwebi yo, yo o thusitsweng ke ba Lephata la banana, o ne a re ntswa madi a ba a fiwang a se mantsi mme a ka kgontsha monana go simolodisa kgwebo, a re ke ka seo motho a tshwanetseng go tlhwaafala go netefatsa gore lemmenyana le a le bonang o le dirisa go atolosa kgwebo ya gagwe. Mongwe yo o thusitsweng ka lenaneo leo, Rre Morapedi Jotia a re ka lenaneo le, o lemoga fa puso e na le maikaelelo a gore Batswana ba nne le bonno jo bo fang seriti. Kgosi Saki ene o ne a leboga thata borangwanaagwe segolo jang Kgosi Ponatshego ka go mo tshwarelela setilo mme a re ba segile tema e a tlaa e tsweledisang. Rre Ramaribana o kaile fa mafoko mangwe a sa tlhole a le teng a nyeleditswe ke a masha a a kopantsweng le diteme tse dingwe jaaka sekgoa. Phelelo A re yo o boneng dikgobalotse di masisi o ne a ragosediwa kwa sepatela se setona sa Bokamoso kwa Mmopane. O boletse gore pele ga lekgotla la kabo ditsha le nna teng, lefatshe le ne le abiwa ke dikgosi mme go sena mokwalo ope o o ntshiwang. E rile ba bua kwa phuthegong ya kgotla bosheng, ba tlhalosa fa ba sa akole ditlamelo tsa puso ka botlalo ka jaana bodiredi bo tlhaela. O ne a gakolola batho gore ba tshwanetse go rarabolola dikgang tsa boswa le go tlhomamisa fa bosupi jwa peo bo le teng. A re motse wa Bokaa o filwe mananeo a nyeletso lehuma a le masome a mabedi le borobabongwe, mme a le masome a mabedi le botlhano a a thenyathenya. Mogolwane wa thuto wa pele yo a tlogetseng tiro ka bogodi Rre Tiroentle Pheto yo a neng ale sebui sa tlotla kwa pulong semmuso ya ntlo ya Setswana kwa sekolong sa Dithejwane a re o lebogela gobo batsadi le barutabana kwa sekolong seo ba setse morago kitso ya tlholego le go tlotlomatsa ngwao mo go tla solegelang bana molemo mo dithutong tsa bone tse di akaretsang ngwao . A re ga go na molao ope o o sireletsang batho ba go nna jalo e bile a supa gore basadi ke bone ba ba tlang go ikuela kwa go bone. Kwa bokopanong joo, Mme Kediemetse Temane-Temane o ne a supa fa go boloka madi go le botlhokwa mme e bile e le selo se se tswanetseng sa dirwa ke motho mongwe le mongwe. Kgosi Puleng o buile se, fa a ne a amogela diphuthego tsa dikereke ka go farologana kwa kgotleng kgolo ya Letlhakeng ka Tshipi go tla go rapelela meletlo e a e solofetseng mo motseng jaaka wa ditshupo tsa kgaolo-potlana ya Letlhakeng, molelo wa kgolagano, boipuso ga mmogo le letsatsi la ngwao. Palo ya ba ba ikwadisitseng e kwa tlase A re ka jalo selelo sa gagwe ga se ise se arajwe mme morafe wa Oodi o ya go tswelela o sokola ka ditsela gammogo le tse di tswelang kwa masimong. Banni bane ba ikuela fago sale gotwe gotlaa nna le dimpopo tsa kgopo ya metsi aa leswe le gore sekontere se sesha mo kgaolong ya bone sea tshutsuma ebile sea ngaporologa . Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Morongwa Malema o lebogetse dipalo tse di okeditsweng tsa Ipelegeng ka go bo kgaolo eo e tlhasetswe ke leuba. A re Zulu ga a boikanyego e bile o diphatsa mo setshabeng ka o se tlhorontsha ka go se amoga leruo le e leng lone botshelo jwa Motswana, ka jalo a sa tshwanelwa ke go tshela mo gare ga sone. Rre Molebatsi a re pele, molao wa kgokgontsho ya bong o ne o sireletsa bana le basadi fela, mme dipatlisiso di supile fa kgokgontsho ya borre le yone e le teng. Mme Gabathusi o tlhalositse fa ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome a mane le boferabongwe go ba thusa ka ditlhotlhomiso. A re ofisi ya molaodi gantsi e thusa ba ba amilweng ke dibetsa tsa tlholego ka ditante le dikobo. A re bone ba beile matshelo a bone fela mo diatleng tsa babueledi. This brings to two, the total number of COVID-19 deaths in Botswana. Rre Phologolo a re morago ga go lemoga seemo sa ba lelwapa leo, ba ne ba thulanya ditlhogo jaaka gale mme ba dumalana ka mogopolo wa go ba thusa ka dimpho tseo, e le ka maikaelelo a go leka go tlhabolola le go fa lelwapa leo seriti. Monana o gatetse pele ka kgwebo ya dijo Rre Kebeileng o kgadile borukhuthi jo bo diragalang bosigo bo bakwa ke go sa bereka ga dipone tsa mekgwatlha, a tlatsa ka gore dirukhuthi di bona sebaka sa go senya fa go le lefifi. Rre Keitlhokile o kaile fa dipuisano tse dine tsa batswa mosola ka gone ka seka ga gatisiwa dikgang dipe tsa borukutlhi ka malatsi a boitapoloso. O ile gape a tlhalosa fa go na le makalana a kgaso la RB le la RB2, mme a nna le sebaka sa go rola badiri ka ene, a bo a kgothatsa banana go dira ka natla mo dithutong tsa bone, a tlhalosa fa mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go ja mofufutso wa phatla ya gagwe, a re seo ba ka se kgona ka go ikitaya ka thupana mo dithutong tsa bone. Batshu o kgala baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana O supile fa sekole seo se na le matlapa a mantsi ka jalo bana ba ne ba felela ba gobatswa ke matlapa ao ka ba ne ba tsamaya ka dinao ba sa rwala ditlhako. O tlhalositse gore batlhoka pono ba tshwanetse go tsena le ba ba tsileng le bone mo lefelong la tlhopho gore ba tshwaye dikeletso tsa bone. Mogolwane wa mapodise a Tatitown,Superintendent Cyprian Magalila o boletse fa ba kgonne go tshwara monna wa dingwaga tse di masome mabedi le borataro yo o tlholegang kwa Zimbabwe,a re ba santse ba le mo patlong ya bangwe ba bararo ba le bone ba amegang mo tiragalong eo. Mme Sesinyi o buile jaana kwa phuthegong e e neng e rulagantswe ke ba lekgotla leo le banana bosheng go ba tlhatlhelela ka mosola wa go tsaya karolo mo ditlhophong. O boletse fa motho a ka huma ka temo go na le go ikaega ka Ipelegeng. Go bua le ngwana wa mosimane ka dikgang tsa borre go ka mo kgapha mo ditirong tse di sa siamang. Go thusa dikole go nonotsha thuto Go baakanya tsela ya boleele ja 1km mo Bobonong le yone e tsamaya sentle le yone e le gaufi le go fela. O tlhalositse fa ba tla ruta banni ba kgotla eo go tlhokomela matlwana a bone le go ba neela dithuto ka tsa botsogo le botlhokwa ja tikologo e phepa. Mopalamente wa Mahalapye Botlhaba, Mme Botlogile Tshireletso, o kgothaditse Batswana, segolo jang banana go ipopa ditlhopha tse ka tsone ba ka kgonang go ikopela ditiro tse mmuso o ikaelelang go di dira mo metsing ya bone mo ngwageng wa madi wa 2016/17. O boletse fa puso ka marekisetso a Botswana Agricultural Marketing Board (BAMB) e tsere tshwetso ya go reka kgetsi ya dinawa ka P700 jalo a tlhalosa fa Batswana ba tshwanetse go tlhoafalela temo gore ba ipelege ka yone. Rre Mochanang o boletse fa Rre Nkgowe a bile a ne a tlhophiwa go nna mongwe wa ba Batswana ba Tautona a neng a ba abelang dietsele ka malatsi a boipuso go ba lebogela ka fa ba kabakanyang itsholelo ya lefatshe leno ka teng. Mokhanselara o lebogela dikago tsa ESP Fa a tswa la gagwe mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Gakhibane Rre Mofana Tumaeletse, o kaile fa ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho di akaretsa letlhoko la motlakase mo sekolong, ba tsweletse ka go gatela pele e bile a le motlotlo ka seo. Rre Ellard o supile gape fa go na le kgwetlho ya batho ba ba fetotseng maina le difane, a supa bangwe ba na le go fetola maina mme ba sa tlhalosetse ba kabo ditsha maina a bone a pele fa ba bewa ditsha tseo, a supa fa ba kgona go tshwarisiwa bothata ke setsha sa motho a le mongwefela mme maina a sone a farologana. Kgosi Mosadi o supile fa tiriso botlhaswa ya nnotagi e le sekgoreletsi mo matshelong a batho, ka e felela e baka maitseo a a sa kgatlheng le malwetse. Fa a latlhela la gagwe, tona wa tsa mafatshe a sele, Rre Vincent Seretse o rotloeditse Batswana go nna sekao sa Botswana fa ba le mo mafatsheng a sele. O ne a tlhalosa fa seemo se kgatlhisa ka mo nakong eno ba itemogetse fa babereki ba dipolase ba ba amogetse ka tsoo pedi ka ba itlhatlhobela malwetse a a farologaneng ka dipalo tse di nametsang. Erile a ba ema ka lefoko molalediwa wa letsatsi, Rre Morulganyi Tshitoeng a re letsasi la boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano ke nako e morafe o tshwanetseng go tlotlomatsa bagaka ba pele ba eleng dikgosi tse tharo tse di dirileng gore Batswana ba bo ba le mo boitumelong jo ba leng mo go jone. E ne e rile go le pele a amogela kokoano e e neng e tsene moletlo oo, Kgosi Tapson Jackalas a phophotha legetla ba sesole sa Botswana ka tiro e ntle a ba e diretseng morafe wa gagwe. Ga nna maswe fa bojalwa ja setso bo nowa ko kgotlaneng. Go ntse go le foo, Mme Mpetsane o boleletse banni ba Mulambakwena fa tsela e ba tswang kgakala ba lela ka yone ya Tshesebe/Mulambakwena, e tlaa dirwa ka lenaneo le le sa tswang go simolodisiwa ke puso la go tsosolosa itsholelo la Economic Stimulus Programme (ESP). Go ya ka mogolwane wa botsogo jwa setshaba mo khanseleng ya Kweneng, Mme Neo Kachana, go ne go ise go lemotshege se se ka tswang se bakile molelo oo. A re mo ngwageng ono fa esale ngwaga o simolola, go setse go tlhokafetse batho ba le masome a mabedi le borataro a supa fa ba ba boneng dikgobalo tse di masisi le bone dipalo tsa bone di le ko godimo fela thata. O tlhalositse fa mapodisi ba sa itebaganya le borukutlhi fela mme ba tsweletse ka go fetola matshelo a batho jalo a ba kopa go atolosetsa letsogo la bone kwa dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno. A re ba kgonne go bula makalana kwa Mogome le Mokgware e le go atumetsa le go isa lefoko la Modimo kwa batho ba leng teng. O ne a kopa banni go dira ditlhabololo tse di ka ba tsisetsang dilo di tshwana le dipone tsa mekgwatha. O kaile fa batsadi ba tshwanetse ba rurifatsa gore bana ba bone ba goroga kwa sekoleng. Rre Keabilwe are bana ba felela ba retelelwa ke go tsaya mananeo ao ka lebaka la gore batsadi ba bone ba agile bonno jo bo rileng ntswa matlo ao e se a bana ba ba ikopelang mananeo mme e bile bone batsadi ba ba agileng bonno joo, le go bereka fa gongwe ba sa tlhole ba bereka. Banni ba ne gape mo go tsedingwe ba lela ka ditsheko mo kgotleng ya bone, ba re di kgobokane fela ga disekwe,ba re e rile mokwaledi a sena go nna teng jaanong kgosi a tlhoka gotsoga, ba re seemo se se ba beile ka fa mosing ka jaana ga go sekwe mme melatoe diragala letsatsi le letsatsi. Kgatelopele ya mananeo a nyeletso lehuma mo metseng mengwe ya dikgaolo tsa Kweneng e itumedisitse mothusa tona. E rile Rre Setlalekgosi yo eleng mongwe wa barulaganyi ba letsatsi leo a tswa la gagwe a tlhalosa fa maikaelelo a letsatsi leo, le le neng le tsenwe ke balemi/barui go tsweng kwa lefatsheng la Africa Borwa ele go abelana megopolo le dikitso ka metlhale ya go tlhabolola seemo sa temo-thuo. Jalo ba bone go tlamega go tswa ka mogopolo wa ithutuntsho go thusa go tlhatlhelela banana ba ba eletsang go tsena mo dikgwebong. Rre Motingwa a re lebentlele la Choppies le tsweletse pele ka seabe sa bone mo go thuseng banalebogole ka jaana mo matlong a supa a a abiwang gompieno a le mane ke a banalebogole. A re ka ngwaga wa madi wa 2016/17 ba ne ba tshwanetse gore ba thusiwe ka go tshela mmu mme seo ga se ise se diragale. O boletse fa komiti e tshwanetswe ke go netefatsa gore batlhoki mo motseng ba bona ditlamelo tse di tshwanetseng kgwedi le kgwedi le go netefatsa gore bagodi le babereki ba Ipelegeng ba bona dituelo tsa bone kgwedi le kgwedi. O tlhalositse fa go ka bo go ne go le botoka fa e ne e ka re fa yo mongwe a tsere lenaneo la dipodi, tsala yone e bo e dira marekisetso a nama gore ba kgone go thusana ka tsa mmaraka. Mapodisi a malala a laotswe Mme Gobotswang o boletse fa lerato le le siameng ele le le nang le maduo a mantle, eseng le motsadi a sa kgalemeng ngwana. Fa akgela mo go tsa metshameko e ee neng ya tshwamekwa ee aretsang kgwele ya diano ya borre le bomme, bolotloa le mabelo a dipitse Rre Petrous Vraay modulasetilo wa komiti ee rulaganyetsang mabelo a dipitse o ne a supa fa e tsamaile sentle le ntswa ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhoka barotloetsi ka se se dirile gore ba nne le palo ee kwa tlase ya dipitse tse di tsenelelang dikgaisano ka ntlha ya letlhoko la madi mo ngwageng ono. Seretse Khama Ian Khama, ‘mme ka fa ke bonang ka teng le setse le kapile ka gore mo dikgaolong tsotlhe go setse go bonala gore badirelapuso ba tsenya seatla mo go bonalang’. Kgosi Malope II o tlhalositse gape gore o tswaletse ditsheko tse disha. Rre Goya a re se se supagetse fa makgotla ao a bua ka tomolagano kana go thubega ga dikereke e bile ba tswa ka mogopolo wa gore go batliwe maloko a le 500 go ka simolodisa kereke e ntsha. Fa a lekodisa ka go segwa ga bojang, o ne a re ba tsweletse ka go fa diteseletso tsa go sega bojang e le seelo sa go itse gore batho ba ba segang ba kae, ba sega selekanyo se se kae e bile ba ipaakantse go le kae go sireletsa tikologo fa go ka tlhagoga molelo. Mme Mugonzo o tlhalosa fa a itumelela gore lebentlele le le bo le sa rekise dilwana dingwe tse di rekisiwang ke bagwebi ba babotlana jaaka marotho, dijo tse di apeilweng le tse dingwe. Banni ba kgotlana ya Metsiaela ke bangwe ba ba neng ba bona thuso ka go agelwa matlwana a boitiketso mo malwapeng ka madi a tswa kwa komponeng ya Debswana ba sena go kopelwa dithuso ke ba ofisi e okametseng mananeo a a itebagantseng le go lwantsha kanamo ya mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS mo Boteti. Rre Guma a re se se ngomolang pelo ke gore dikgomo tsa Batswana fa di tlolela kwa Zimbabwe di a bolaiwa fa lefatshe leno lone le sa bolae tsa barui ba lefatshe la Zimbabwe fa di tloletse kwano. O kopile badiri ba moepo wa Jwaneng le setshaba ka kakaretso go itlama go sireletsa diteemane ka go nna maloko a DCAT le gone go nna babueledi ba yone gongwe le gongwe fa ba leng teng. Molaodi Sebokwane Mosweu o ne a tlhalosa gore dikgang tsa go nna jalo di golela pele mo motseng le ntswa batho ba kgalemelelwa go dira jalo gangwe le gape. Rre Tshitoeng a re morafe wa motse wa Sefhophe o tshwanetse go ipela ba ntshitse dihuba ka ba alositse bagaka ba ba diretseng lefatshe la Botswana ka thata ba tshwana le mothusa tautona wa pele Dr Ponatshego Kedikilwe. Ba re se se ka thusa thata go imolola puso mokgweleo wa go ba tlhokomela. Re le puso re tlaa sekaseka gore jaaka re ntse re emisitse diteseletso tsa letsomo, a ke go bulelwe, mme fa go bulelwa go fokodiwe fa kae, go dira gore dilelo tsa Batswana di fokotsege, Rre Masisi a supa. O rotloetsa banni go nna mo tikologong e e phepa ka dinako tsotlhe ka e le yone fela tsela e e ka ba thusang go itsa go tsenwa ke malwetse. Bana ba ba dikileng ba dira lekwalo la bosupa ba ne ba le lesome le borobabongwe ka palo, ba le barataro ba tsere A, ba supa ba tsere B, ba le bararo ba tsere C, fa ba le babedi ba tsere D le E. A re ba tsweletse ka go rutuntsha batho ka ditlamorago tsa go nna mmogo ba sa nyalana, bogolo jang tse di amang dikgang tsa boswa. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya Thankane, Rre Ontiretse Barolong o ne a tlhalosa fa dipolasi tseo di ba pitlaganya mme e bile di sa ba tswele mosola e le beng ba motse. O tlhalositse gore kgodiso ya ngwana e tlhoka batsadi boo babedi le morafe ka kakaretso go mo lemotsha ditiro tse di molemo le tse di bosula mo botshelong a sa le monnye gore a gole a itlhaloganya. O rotloeditse setshaba go kopa dithuso mo bodireding jo bo maleba fa ba kgokgontshiwa pele ba ka tsaya ditshwetso tse e seng tsone ba ipolelela gore ke gone jaaka ba rarabolola mathata a kgokgontsho. Tona wa merero ya ofisi ya ga Tautona le bodirelapuso, Rre Eric Molale o akgoletse badirelapuso mowa wa go seegela fa thoko ditiro tsa bone go direla setshaba. Rre Mochanang o ne a rotloetsa ba ba eletsang go akola lenaneo le go tla ka mefuta e mesha ya kgwebo gore ba nne pharologanyo mo go ba bangwe. Madigele o tlhola badiredi Mothusa mogokgo wa sekole se se botlana sa Moiyabana, Mme Matlhogonono Gaamangwe o lebogetse mpho ya ntlwana ya burutelo ya bananyana ba ba yang go dira lokwalo lwa ntlha ngwaga o o tlang. A re gape ka letsatsi la rafole eo ba tlaa rekisa dijo go leka go oketsa madi ao, mme madi otlhe a a tlaa bong a kgobokantswe a tlaa kopanngwa le a a ntseng a le teng go ya go reka didirisiwa tsa terata ya lebala. O ne a rotloetsa balemi go dirisa mothale wa go somarela bokgola le go somarela lefatshe le ba lemang mo go lone a bolela fa mo nakong e e fetileng go ne go sa tlhokafale gore go dirwe jalo. O tlhalositse fa batho ba motse wa gagwe ba ne ba mo rotloetsa gore a e go supa dinkgwana tsa gagwe kwa ditshupong tsa kgaolo ya Kgalagadi Borwa ka ngwaga wa 2011. Batswana ba tshwanetse go lebogela kagiso Mme se, ga se diragalele banni ba Monarch mo francistown. Rre Butale o buile jaana fa a buisa phuthego ya kgotla kwa kgaolwaneng ya Mmatshitswane kwa Kanye bosheng, a tlhalosa fa go na le dikhamphani tse di ikemetseng ka nosi kwa Kanye mme di tshwaragane le puso. O bile a gakolola gore seemo sa dikago tsa puso se ne se tsibogelwa ka nako go hema go tsaya dikgato mo mabakeng a pitlagano, dilo di dule mo taolong. O kopile morafe wa Botlhapatlou go kopa ditiro tse di bonalang ka madi a ditlhabololo a dikgaolo a bo a ba kopa gore ba kope bogakolodi mo badirelapusong. O ne a bua a menne phatla ka banana bangwe ba ba itontelang dinotagi le tsosa medumo a supa fa seo se supe fa ba na le boikarabelo mo metseng ya bone ya BORAVAST. Banana ba itshetsa ka temo thuo O solofeditse morafe gore dikgoro tsa gagwe di tlaa bo di butswe le gore dikgakololo di a amogelesega. Balekane ba Botswana ba tsweletse Le fa go ntse jalo, Kgosi Kobelwane o supile fa go le thata go tseela badira melato dikgato ka bontsi jwa ditiragalo di tshwana le dintwa ga di ke di begwa kwa kgotleng mme di felela fela kwa dipotong. Fa a tlhalosa mo potsolotsong le ba BOPA bosheng mogolwane wa sepodise ko Tsabong Assistant Superintendent Keagetswe Lorato a re ba akgola puso go menagane mo go fetoleng melawana e e amanang le madirelo a a rekisang majalwa le go emisa majalwa a a itirelwang mo malapeng ka se ele sone se fetotseng seemo ka mokgwa o. A re go lebega batsadi ba metse ya selegae ba na le seabe se sentsi mo go rotloetseng basha go ikamanya le temo ka jaana ba ba adima masimo a bone gore ba itemele ka bangwe ba ise ba abelwe ditsha. Ba kopile modulasetilo wa khansele go tsibogela kgang eo ba re e tlogetse batho ba le bantsi mo logoeleleng. E rile bosheng, Mokhanselara wa kgaolwana eo, Rre Kgosiemang Monare a kgala a sa oshaoshe go latlhelwa ga masea mo matlwaneng a boitiketso. Monana wa Shoshong o inaakanya le tsa maranyane O ne a balolola ditiro tse dintle tse Kgosi Magapatona a di diretseng lefatshe la Botswana Mme Kgosi Masunga o ne a re Kgosi Magapatona a tsweledise tiro ya gagwe ka dinako tsotlhe. Bokgoni jo Rre Botshoma yo o kileng a etelela maphata ka go farologana pele jaaka la tepo loapi go tla a thusa go isa sekolo sa Nyangabgwe golo gongwe. Mogokgo wa sekolo sa Nyangabgwe, Mme Boingotlo Chaba, o tlhalositse fa go ithaopela go ema nokeng sekolo seo ga ga Rre Botshoma go tsile ka nako e e maleba ka sekolo seo se na le letlhoko le lentsi thata. A re go le gantsi o tlhaelelwa ke madi go reka tse di tlhokegang, a tlhalosa gore go le gantsi batho ba batla dipampiri tsa dithulaganyo tsa phitlho tsa boleng jo bo kwa godimo, mme ka di tura, a palelwe ke go ba thusa a bo a fetwa ke madi. Mme Kavurase-Sedio a re go lwantsha koketsego ya seemo se, ba dirile dithulaganyo tsa gore ba nne ba a fa bomme dithuto tse di tseneletseng ka dikgang tsa boimana le pelegi, go katologanya tsholo le tiriso ya tsa boiphemelo mo boimaneng. Banni ba metse ya kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami ba sa tswa go tlhopha maloko a masha a mokgatlho o o ikaelelang go emela ba--na-le-bogole morago ga gore o o kileng wa bo o le teng o phutlhame mo dingwageng tse di fetileng. Ba re tsela eo e ka bo e ba tlhofofaletsa mosepele ga mmogo le go ba tlhamela ditiro. A re ere ka jaana go se na diphatlha tsa mebereko, mme banni ba motse wa gaabo ba beile fela mo lenaneong la Ipelegeng go itshetsa, bagwebi mo motseng oo ba felela ba goga bokete go tsamaisa dikgwebo tsa bone, ka letseno e se le le nametsang. E re ntswa re ise re fitlhelele makgaolakgang a dikgaisanyo tseo, re amule go le gontsi tebang le bodiragatsi jwa mmino wa Setswana ka go bo re ithuta mo ditlhopheng tse re iteisanang borathana le tsone, a tlhalosa jalo. A re monongwaga o ikaelela go ya go supa mebutla, dipidid, merogo, ditlhare le dinotshe kwa ditshupong tsa kgaolo. Mme Itumeleng Ramsden a re letsatsi la mafatshe fatshe la bana ba basetsana le tsa maranyane le diretswe go rotloetsa bana ba basetsana le bomme go dirisa tsotlhe tse di leng teng mo go tsa ditlhaeletsano le maranyane go tokafatsa matshelo a bone. A re go nna mmogo ga batho ba sa nyalana e bile bana le malwapa go rontsha bana tshwanelo ya go akola ditshwanelo tsa batsadi ba bone fa ba setse ba tlhokafetse kana batsadi ba bone ba kgaogana ka jaana ba masika ba kgona go gana ka dithoto tseo ka seipatlo sa gore batho bao ga ba nyalana kafa molaong ntswa bangwe ba bone ba ntshitse magadi e bile bana le malwapa mmogo. O tladitse ka go re, ‘ka ke rona re lomaganyang lenaneo la nyeletso lehuma mo lefatsheng, fa re ntse re tsamaya jaana, re lemoga gore le lengwe lehuma ga se le le tlhokang lenaneo leo fela, le tlhokana le gore le rona re le badiredi ba ofisi ya ga Tautona re tsenye seatla go bonale gore re eme puso nokeng, re le babereki ga mmogo le baeteledipele.BOKHUTLO Banni ba re lentswa gone go hirwa go diriswa khupelekhupele ntse ke bone ba tseng mo lenaneo ,bare ba belaela gore ba dirile maretshwa mangwe,ba kopa mopalamente go ba thusa ka jaana mananeo a puso a diretswe Batswana botlhe. Banni ba dikgotla tseo ba ne atla lenaneo leo la go rudisa itsholelo ka diatla tsoo pedi, ba re tsholofetso ga e tlhabise ditlhong. Mothusa tona wa temo-thuo le tlhabololo dijo, Rre Kgotla Autlwetse o galaleditse Bakgatla ba ga Mmanaana kwa Moshupa mo maitekong a bone a go tshegetsa ngwao ya go ntsha Dikgafela. O kaile fa ele ba bogosi ba sa direlwe sentle ke banyalani gore ba ba kgaoganye ka seo e le boleo fa pele ga Modimo le mo baebeleng go kwadilwe gore se se kopantsweng ke Modimo se seka sa kgaoganngwa ke ope. A re ba rotloetseng ba tsenelele metshameko ka dinako tsa gompieno ba ka itshetsa le go ya mafatsheng ka yone, a feleletsa. Go na le lekalana la dithoto le le lebaganyeng le tsa matlo, dithoto, dikoloi le dipe fela tsa tlhwatlhwa e kgolo. Setshwantsho yo le ene a amegang mo dingweng tsa ditsheko tsa bogodu jwa leruo tse di fa pele ga makgotla a ditsheko, o ne a letlelelwa go emela tsheko kwa ntle ka go itlama ka P2 000, go iponatsa mo kgotleng ka malatsi a a beilweng le gore a seka a dira molato o o amanang le borukutlhi fa a letile tsheko, fa ba bosekisi ba sa dumalana le go itoka ga ga Zulu. Ba ne ba gwetlha baeteledipele ba toropo go etela dikompone ka go farologana mo toropong go sekaseka gore a melao ya phiro le pereko di salwa morago fa go sa nna jalo ba tseelwe dikgato tse di maleba go itsa go tlhorontsha babereki mo isagong. O buile mafoko a ka Labobedi kwa kgotleng kgolo ya ga Mmangwato mo phuthegong ya makalana a itshireletso a akaretsa mapodise, masole, dikompone tsa badisa-dikago le mapodise a a thapilweng ga nakwana; ka nako ya fa a ne a ba ema ka lefoko jaaka ba ipaakanyetsa go sireletsa Batswana le dithoto tsa bone mo malatsing a botsalo jwa Morena le ngwaga o mosha. Tona o ne a lebogela maiteko a bobega dikgang go gasa molaetsa ka ntwa kgatlhanong le kgokgontsho. A re bothata jo a nnileng le jone ke gore fa a simolola, boleng jwa dilwana bo ne bo le kwa tlase. Go a tshwenya go bona motho a latlha dijo moagisanyi a lala ka logaba. Rre Tsogwane o lebogile dikompone le batho ka bongwe ka bongwe ba ba itlamileng go tswelela ba thusa. Bangwe ba supile fa go na le mathata a ditsha tse di fetolelwang kwa go ba bangwe, ba supa gore molao wa kabo ditsha o sa letlelele gore setsha se fetolelwe leina kwa go yo mongwe fa se sa tlhabololwa, ba supa gore go raya gore batho ba emetse go tlhabolola ditsha tse gore ba tle ba fetole maina. Dipampiri tsa tiro e di fa kgotleng, tlang go iteka lesego, a rialo Rre Siabatho. E re ka kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa, mookamela mapodisi a Maun, Rre Motlhaba Ramaabya o gwetlhile bagwebi ba marekisetso a nama go ba thusa go fokosa bogodu jwa leruo ka go amogela dikgomo tse di tswang matlhabelong fela. Setshaba se tlhagisiwa ka kgonego ya merwalela E rile a bua mo diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Jackalas 1 le Senyawe bosheng, mothusa-tona wa lephata la temo-thuo, Rre Oreeditse Molebatsi a bolela fa barui ba tlaa phimolwa keledi ka madi a a kana ka dikete di le pedi le makgolo a le matlhano a dipula kgomo nngwe le nngwe. Leloko le lengwe la komiti eo Rre Mephato Reatile o ne a kopa ba kabo ditsha go nna ba sekegela dilelo tsa morafe tsebe. Rre Puku a re o butse madirelo a Chedza Milling Enterprises monongwaga ka Motsheganong a sila thobo ka go farologana e akaretsa mabele, mmidi le lebelebele mme o thusa balemi ba metse ya Zwenshambe, Moroka, Mapoka, Nlapkhwane, Gungwe, Mbalambi le Masunga. Mothusa tona gape a re manyalo ao a tlaa fedisa ketsaetsego mo malwapeng ka jaana bana ba tlaa simolola go tlhakanela difane le batsadi boo-babedi. Mangwe a matshwenyego a banni ba a ntshitseng ke go sa tlhokomelweng ga mabitla, ba kaya fa bangwe ba a ralala ka go tlhaga terata e e ageletseng le go latlhela leswe la metseto le dikausu tse di dirisitsweng. A re go na le balemi bangwe ba ba tlogelang masimo a bone ba tla go nna mo magaeng, mme a re balemi ba go nna jalo ba tlaa seegelwa fa thoko ba sa thusiwe go fitlhelela ba ithuta go nna le maikarabelo. A re Batswana ba na le tumelo ya gore lekgotla le le reka dikgomo tse di tswang mo dipolasing tse di terateletsweng mme se e se boamaruri. A re kopo ya gagwe e ne ya atlega mme a thusiwa ka P100 000 go simolola kgwebo e a reng e gaufi le pelo ya gagwe e bong ya go apaya borotho. Se se tlhalositswe ke Mme Elda Mabunu, wa dingwaga tse di masome marataro le bosupa. A re temo ya ditselana e bogadi bo gaufi fela thata e bile motho o tlhagola motlhofo go na le go gasa peo e e reng motho a santse a lema ka ntlha e nngwe dinonyane di bo di e sela ntlha e nngwe. Mogolwane wa LEA, Mme Abgail Mokiya o rotloeditse bakgweetsi go ipaakanyetsa go nna le seabe mo thusong ya potlako y fa ba kopana le kotsi e diregile fa ba le mo mesepeleng ya bone ka nako tsotlhe ka seo se ka thusa thata mo pabalesegong ya botshelo mo go yo o amegileng. Agente Moncho a re ka jalo o kopile Mmakaseterata Raphael go ba letla go ya go ikopela kwa kgotleng kgolo ya ditsheko gore dingwe tsa ditsheko tsa ga Zulu tse di nang le lobaka lwa dingwaga di ka fera bobedi di sa wele di tshololwe ka jaana mosekisiwa a sa direlwa tshiamelo ka ntlha ya tiego e e nnileng teng. Mogolwane o ne a kopa barui go isa dikgomo kwa Francistown a re ba seka ba kgojwa marapo ke seemo se se neng se ntse se ba farafarile ka ba solofetse go le gontsi mo lenyalong la bone. O ne a supa gape fa bontsi ja borukutlhi bo dirwa mo matlong a beng ba one ba agileng ba bo ba ya go nna kwa ditoropong kwa ba direlang teng. Fa a ntsha lefoko la kgothatso mothusa mokwaledi mo ofising ya ga tautona Rre Mogomotsi Kaboeamodimo o ne a tlhalosa fa badiragatsi mo nakong ya gompieno go na le mokgatlho o ba ikwadileng mo go one, o ka one ba tla kgonang go duelela dipina tsa bone tse di lediwang mo seromamoweng sa setshaba. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa a tshwenngwa ke banana ba a reng ba goga maoto go ikopela ditsha, a re e re le ntswa motse wa Ghanzi e na le batho ba ba emetseng go bewa ba feta dikete tse nne, banana ba tshwanetse go tlhagafalela go ikopela ditsha. ‘Tshegetsang malapa ka tumelo’ O sedimositse fa setshaba se nale maikarabelo a go fedisa kgokgontsho ya bong ka go nna kgatlhanong le go gatakwa ka dinao ga bomme, go rotloetsa batho go bua fa ba na le mathata eseng go dirisa kgokgontsho, go itsese ba sepodisi kgotsa makgotla a mangwe a dithuso ka ditiragalo tsa kgokgontsho, go kgala mofuta mongwe le mongwe wa kgokgontsho ya bong le gone go ruta bana go tlotlana, bogolo jang bana ba basimane go tlotla ba basetsana le bomme. Modulasetilo wa khansele ya borwa Rre Mephato Reatile le mokhanselara wa Mabutsane/Kanaku Rre Ernest Pule ba ne ba tsene tiro eo. Motshwarelela tona wa thuto, Rre Mokgweetsi Masisi o kgothaditse bagolwane ba thuto ba dikgaolo go tokafatsa pereko mo dikgaolong tsa bone. O tlhalositse fa dithoto tse a di dirang di akaretsa diphate, mabante, dihutshe le ditlhako tse gantsi di tsewang ke bone ba khansele le ba thuto ga e golelwe go ya go di supa kwa ditshupong, tse a tlhalosang fa gantsi di kgatlha matlho a bareki. Kgodiso ya ngwana e botlhokwa A re mme o botlhokwa jo bo dirilweng ke Modimo, a re puso e lemogile gore bomme ke batho ba ba mabogo dika ba ba berekang ditiro di le mmalwa. Kgosi Seretse o ne a re o tlaa busetse kgang kwa go ba ba mo rumileng. Kgosi Mathubae Mokgatla wa Tsokatshaa mo kgaolong potlana ya Tutume o supile fa bangwe batsadi mo motseng ba tsweletse ka go bipa ditiro tsa botlhokatsebe tse banana bangwe ba tsweletseng ka go inaakanyang le tsone. Ga a wetsa tona o ne are o kgotsofalela kalafi e maokelong otlhe le e e ko mabeelong. A re thobo e isiwa kwa tlase ke bangwe boradirekere ba ba sa itseng go lema ka ditselana. Ba buile jalo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mmatoropo, Mme Malebogo Kruger kwa kgotleng ya Woodhall ka Laboraro. Re tshwanetse go fetola maitsholo a rona mme re beye matlhoko a batho pele, re tshwanetse go lebala ka borona go fa batho ditirelo, o tlhalositse jalo. Mme o gakolotse setshaba gore ba tshwanetse go amogela bonnete jwa gore mmino wa Polka o fetogile le dinako mme ke gone ka moo o setseng o binwa ke merafe yotlhe lefatse ka bophara. Banni ba motse wa Gakgatla ba ne ba boditse mopalamente ka tsela ya Gakgatla-Gamodubu e ba sa bolong go e solofediwa gore a ba tlaa e bona. Batsadi ba kopilwe go lekola bana ba bone gangwe le gape kwa dikoleng bogolo jang ba ba nnang mo dikoleng tse di kgolwane ka seo se ka thusa thata go tila go ngwega ga bone mo dikoleng tseo. A re ba dire ka natla mo dithutong ka thuto e le yone boswa jo bo sa lwelweng. Monana mongwe wa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Gideon Kaolatola o tlhalositse mo potsolotsong fa a simolotse kgwebo ya kapei ya borotho ngwaga o o fetileng morago ga go thusiwa ke ba nyeletso lehuma ka go mo fa didirisiwa tsa go ipulela madirelo a kapei ya borotho. Rre Mogapi o ne a gwetlha dikhamphani tse dingwe go ititaya ka thupa go thusa fa go lebegang go na le letlhoko teng. A re le fa ba na le dikgwetlho ba tsere ka mashetla boikarabelo jwa go tokafatsa kanamiso ya metsi ka a le botlhokwa mo go lwantsheng bolwetse jwa COVID–19. A re o akgola puso ka lenaneo la YDF ka le mo dirile se a leng sone. Le fa go ntse jalo a re Batswana ba thusa go tshwara dirukutlhi mathata ke gore ba felela ba tsholola dikgang ntswa go sentswe didirisiwa tsa puso go dira ditlhotlhomiso. Le fa go ntse jalo, Rre Madzinyane o supile fa bangwe ba ba thusitsweng ba tlhanogetse tumalano e ka jaana ba itlhokomolositse go duela. E rile fa bagolwane ba motsana o ba tlhalosetsa Tautona Lt Gen. O ba rotloeditse go tsenelela dikgwebo tse di farologaneng go nale go inaakanya fela le ya thuo ya dihutshane. Ba dumalane gore dipego tsa modulasetilo di balwe gabedi fela mo ngwageng ba re seo se tlaa ba fa sebaka sa go bua dikgang tsa kgaolo ba phuthologile. Mokhanselera wa kgaolo, Rre Molefane Tseladikae o ne a leboga puso ka lenaneo la ESP le mpho ya ba Morupule Coal Mine, ga mmogo le bone ba Barclays a re dimpho tsa bone di nametsa pelo. A re le dikgosi go tswa ko Nata ba ba eme nokeng ka dikgakololo tsa go tshwara fela ka thata mo motshamekong oo. Kgosi Mpeo a re ke nako ya gore kgethololo mo bathong ba ba tshelang ka bogole e nne selo sa maloba. Mookamedi wa dikokelwana tsa Tsabong le metse e e mabapi, Mme Kgalalelo Tauetsile a re ba lemogile gore sebe sa phiri ke gore batho ga ba a ikaelela go fetola boitshwaro jwa bone mabapi le tsa tlhakanelo dikobo. Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Sikwane bosheng, mopalamente o tlhalositse fa boeteledipele bo eme nokeng kgosi le banni ba metse ya dinokeng go sireletsa noka. Mme Kutlase o ne a supa fa kgosi ya motse oo kgosi Bock a sa itumedisiwe ke boitshwaro jwa bone mme a ba kopa go fetoga mo go nweng bojalwa phetelela le go tsosa medumo mo metseng ya bone. Mopalamente Mangole o buile a sa kgwe mathe ka botlhokwa jwa go ema bana nokeng mo thutong ya bana. Fa a buisana le Ke ka moo a kopanyang sekhakha le mokolwane go tla ka mekgabisa le metswako ya sesha. Kgosi Telekelo o ne a ba supa fa Kgosi Bome jaanong a tlaabo a tshwara ditsheko tse dikgolwane ebile a okametse mangwe magosi. Ba supile matshwenyego a mo phuthegong ya khansele e e tsweletseng kwa Serowe ka Labobedi morago ga gore mookamedi wa lenaneo leo, Rre Silvester Moswela a ba rolele pego ka fa lenaneo le tsamayang ka teng. Mme Tebelelo Leburu, 82, wa kgotla ya Kgosing kwa Sehithwa o kaile fa bogodi bo sa itse ope go iphataphatela. O tlhalositse fa a amule botsipa mo go rraagwe ka le ene e ne e le tiro ya gagwe ya letsatsi le letsatsi. A re fa ba sena go buisana ba ikopanye le molaodi gore a ba gokaganye le ene ba mo etele kwa ofising ya gagwe gore ba supe mananeo a ba bonang a ka ba sologela molemo. A re fa a ka ikokobeletswa, mongwe le mongwe a tlogelwa ditsela tse di maswe, Modimo o ka tsisa mowa wa kutlwelo botlhoko mme a fodisa lefatshe leno. Rre Taolo Lucas, ntlhopheng wa bopalamente, o ne a rurifatsa seo kwa phuthego ya phatlalatsa ka mafelo a beke kwa kgaolong ya Moletemane kwa Bobirwa, a tlhalosa fa ana le dingwaga dile lesome le botlhano a emetse ditlhopho mme e bile a ne a ntse a lebile lehuma, kwelo tlase ya thuto le botsogo tse di apesitseng Babirwa kobo ka letshoba. A re mo bekeng e e fetileng ba nnile le ditsheko di le mmalwa tsa batho ba ba tseneng mo lefatsheng leno e se ka fa molaong a re Batswana bangwe ba na le seabe mo go rotloetseng dirukutlhi tsa go nna jalo ka jaana bangwe ba feletsa ba nna le malwapa mono. Kgosi Zacchious Kaeperura wa Pilane o boletse fa go le botlhokwa go lebelela dikgang le molao sentle le go gakolola bogolo jang banyalani sentle pele ga lenyalo le ba setse ba le mo lenyalong bogolo jang fa go setse go na le bana mme ba batla go kgaogana.BOKHUTLO E rile ba bua kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke bagolwane ba lephata la thuto bosheng, baithuti ba supa fa bontsi jwa batsadi ba sa tsee thuto tsia. Tona wa Ditsha le Matlo Rre Prince Maele o kopile banni ba metse ya Tswapong bokone go se kgotlele lenaneo la Ipelegeng ka ditsamaiso tse di sa letlelesegeng. A re ntle le go bala le go kwala, bagolo ba fiwa sebaka sa go rutana ditiro tsa diatla di akaretsa go roka, go loga,go betla le tse dingwe ka go farologana. Se sengwe gape ba ne ba re dipampiri tsa ditlhatlhobo tse di fetileng di somarelwe gore di dirisiwe go gakolola bana ka tsone pele ba kwala ditlhatlhobo tsa makgaolakgang. E rile a amogela baeng, kgosi ya Mosetse, Rre Opelo Ntshwarelang a supa fa bojalwa bo ile magoletsa mo motseng wa gagwe ka jalo a re ga go thona go bo mogare o kekela ka batho ba nwa bojalwa phetelela. E re le ntswa banni ba iteelwa legofi ka go nna le karolo mo lenaneong, molaodi o ne a supa fa a itemogetse gore bagwebi ba dira ditiro tse di tshwanang jaaka tsa kgwebo ya ditente le ya go apaya borotho. Tautona Masisi o boletse fa puso mo nakong e e sa fediseng pelo, e tlaa rerisa Batswana le go tsaya megopolo ka fa go ka tokafadiwang botshelo ka teng. Rre Motsamai o supile fa go nna le seabe mo botsogong jwa baithuti e le go ba kgothatsa gore ba tsenye moko mo dinameng mo dithutong tsa bone go na le go neela tshwene marapo ba bo ba inakanya le tse di tlaa ba gogelang mo thaelong. Mo potsolotsong le Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa motswasetlhabelo a robaditswe kwa sepateleng se sebotlana sa Hukuntsi mme a supa fa a sidilega. Go ya ka mme Nthabi, tseo ga se tsone ditlhabi fela tse di bakiwang ke kgokgontsho, mme tse dingwe ditlhabi e le go inyatsa le go latlhegelwa ke seriti,go tshelela mo poifong le go nna le mathata a tlhaloganyo ga yo o amegang. Kgosi Mosweu o bile a supa fa bangwe batsadi ba rotloetsa bana go inyadisa ba gabile dipoelo mo manyalong ao. Kgosi o kopile bagolwane ba mokgatlho gore ba ne ba etela maloko go bona gore ba tsweletse jang a re se se dira gore maloko a tswelele ka go kgatlhegela boithaopo. A re bana ba sekole sa gagwe ba nna mo sekoleng botlhe ka jalo motho a ka solofela fa ba tla a ntsha maduo a a nametsang ka ba na le nako e ntsi ya go ithuta mme ba dirisa nako ya go ithuta mo go tse di duleng mo tseleng. Rre Motlokwa a re o ne a simolola kgwebo ya go suga matlalo fa a sena go fetsa dithuto. A re tiriso le tlhokomelo ya motshine oo ke gore e le baithuti ba ntshe ga tshwene. Moruti Baumake a re gape ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le tlhakanelo dikobo le bana ba dingwaga tse di kwa tlase, segolo thata ba basetsana, nnotagi, boimana jwa bana ba dikole jo bo bakwang ke go okwa ke banna ba bagolwane, malwetse, dikotsi tsa tsela, thekiso ya ditagi, bogolo jang motokwane gareng ga tse dingwe. Ba supile fa dipolasi tse di dikaganyeditseng metse ya bone di itsa metse go gola mme e bile di kganela le tsone ditlhabololo tse di ka tokafatsang matshelo a bone. Mme Motshelanoka a re maikaelelo a mangwe ke go konotelela moono wa mafatshefatshe wa go leka go lwa ka gotlhe go emisa TB. Ka jalo a re ba ne ba dumalana gore ba koleke P50 nako tsotlhe fa ba lemoga gore go na le letlhoko lengwe mo motseng. A re se se supiwa ke ka fa kereke e dirang ka teng mo go bao ba ba tlhokileng lesego, go ba lemosa gore ba botlhokwa le gore kereke e a ba rata. A re kgwebo e, e ne ya felela e phutlhama ka ntlha ya go tlhoka madi. O boletse gore e ne ya re kwa tshimologong kgwebo ya seka ya dira sentle ka a ne a sena mmaraka mme a seka a itlhoboga a tswelela ka go kotlopisa le go tswa ka maano a go bona gore o ka phunyeletsa jang mo mmarakeng ka a na le lerato le le tseneletseng mo go tsa kapei. Mogolwane mo lekalaneng la botsogo la kgaolo, Mme Dineo Sisila a re motse wa Dukwi le e e mo tikologong ya yone go balelwa le Mosetse ke mengwe ya e e nang le dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba amilweng ke mogare le bolwetse jwa HIV/AIDS mo kgaolong potlana ya Tutume. E rile a tswa la gagwe Mme Miranda o boleletse batho ba ba neng ba tsene phuthego eo, gore kgosi o mo pateletsa dikgang tsa gore o batla go mo amoga bogosi mo go dirang gore ene le kgosi ba seka ba dirisana mmogo mo ditirong tsa motse di akaretsa kamogelo ya molelo wa kgolaganao, diphuthego tsa dikgotla le dikgang tse di amang ditlhabololo. Se se builwe ke mogolwane go tswa kwa ofising ya lekgotla la tsamaiso ditlhopho, Rre Dintle Rapoo, kwa Mmathubudukwane bosheng. Mookamedi wa kereke ya Gates of Heaven Network kwa Maun, Moporofeta Thato Elias, a re botsogo jwa bana ke konokono. Modiri wa lephata la boipelego, Mme Onameditse Seetapele le ene o ne a galaletsa maiteko ao, a re ba LEA ba dirile tiro e ntle, ka jalo a ba rotloetsa go tswelela ba thusa go ya go ileng. E re ntswa kgaolo ya mokwena e ntse e lebanwe ke bothata jwa go kgaolwa ga metsi mo diofising tsa makgotla a Setswana, bothata jo bo nnileng teng ka lobaka ka ntlha ya dikolotso tsa metsi, bothata joo go kaega e tla nna dikgang tsa maloba jaaka bodiredi jwa koporase ya metsi bo ne bonala mo kgaolong eo go busetsa seemo mannong. Mogonono o atla maduo a twantsho borukutlhi O gwetlhile banana lebo Mme go inaakanya le temo abo a tlatsa ka gore faba tsena mo temong go batla ba ititeile sehuba Rre Ramokapane are lephata le ikaelela go tokahatsa go isa ditlamelo kwa setshabeng ka go dirisa dikompone tsedi ikemetseng le gone go dirisa balemisi baba tlogetseng tiro mme ba santse baka bereka. Go lema mariga go molemo A re go sa ntse go itshupa fa Batswana ba tletse kgethololo mo go ba ba tsayang diritibatsi tsa mogare wa HIV, mo go feletsang go baka gore ba ba kgethololwang ba di tlogele mme ba lebaganwe ke leso mo nakong e khutshwane. Rre Jibichibi o rotloeditse ba ba nang le masimo mme ba sa a leme, go adima ba ba nang le kgatlhego ya go lema. Kgosi a re bogadi gape ke thekololo ya mosadi le bana go tswa ka fa tlase ga boora mosadi go ya kwa go boora monna. Hulela are koloi eo e ne e pegile batho ba le lesome le boraro le dithoto tsa bone. A re seo se ne sa tla morago ga gore ba lemoge fa bontsi jwa bana ba motse o e le ba ba neng ba direla kwa moepong wa BCL wa Selebi Phikwe, a re ba ne ba ikgolaganya le khansele go e kopa go ba isetsa batho bao kwa Madirelo kwa Gaborone go ya go dira ditlankana mme ba tla ba fentse dithuto, maikaelelo e le gore ba ipope setlhopha gore ba kgone go gaisanela ditiro tsa puso. E rile a rolela mopalamente matshwenyego a bone, modulasitilo wa komiti kgolo ya motse (Village Extension Team) yo gape e leng mogokgo wa sekole se sebotlana sa Khwee Mme Maureen Morwe a supa fa selelo segolo sa bone e le tsela, letlhoko la dikoloi tsa puso gammogo le tsa sectshaba. BOKHUTLHO Fa a tlhalosa ka kgang eo, Modulasetilo Rre Makale o boletse fa ba setse molawana o o ba laolang morago jaaka khansele. Mme Kerekang o ne a kopa badirelapuso go nna le lerato mo tirong e ba e dirang, go nna le neelano le go tlotlana ka dinako tsotlhe gore ba kgone tema e ba e itshegetseng ya go bona ba dira pharologanyo mo matshelong a batho ba kgaolo e ba direlang mo go yone. Kwa moletlong oo wa ditebogo, Kgosi Simon Nkgageng o ne a lebogela morafe go bo o ne wa nna tsebe-ntlha-go-utlwa fa Tautona a itela mo Batswaneng go ema ka dinao go rapelela pula. O kopile morafe go ikemela ka dinao go bona gore lefatshe le le humileng le tlhabolola matshelo a bone, a tlatsa ka gore eseng jalo ba tlaa thanya lomapo lo le tsebeng. Tautona o ne a ba abela madi a a kanang ka P10 000 mme a ba solofetsa go tswelela a ba thusa go ya pele. O tsweletse ka gore bangwe batsadi ga ba ke ba kgalemela bana ba bone fa ba sa dire sentle ka ba tsaya gore ba a ba rata ga ba batle go ba utlwisa botlhoko. Pula e e neng e patilwe ke diphefo le sefako ka Labobedi e tlogetse tshenyo kwa metseng ya Morwamosu le Mabutsane mo kgaolong ya Borwa. A re go le gantsi o bereka le mekgatho e e ikemetseng ka nosi le batho fela ka bongwe ka bongwe. A re setlhopha sa volleyball sa basetsana se ne sa dira sentle kwa dikgaisanyong tsa BISA kwa bangwe ba le babedi mo setlhopheng seo ba neng ba fiwa dietsele. Mme Jimmy o boletse gore melemo e ka tswa e sena tiro e e kalo fa e dirisiwa mme go nna go tla mabaka mangwe a a sa siamelang botsogo kwa morago. Modulasetilo wa bomme ba ga Marea Mmajesu, Mme Kelelelo Tumaeletse o tlhalositse fa lefelo la Grotto le fitlhelwa fela mo kerekeng ya Keresete Motswedi mo lefatsheng leno le a a kwa ntle. Fela a re o namediwa pelo ke gore kgwebo ya mofuta o, ga e ntsi mo motseng, ka e dirwa ke ene le ba bangwe ba le babedi fela. Go ya ka Rre Puku, se se pharologano ka kgwebo ya gagwe ke gore o phuthela dijo tse a di silang mo madirelong a gagwe a bo a di rekisa. A re ba itebagantse thata le ditiro tsa botlhoka tsebe mo bananeng, di akaretsa go inaakanya le tsa marato ntleng ga lonyalo, go goga motsoko, go nwa bojalwa le tiriso ya ditagi, bogolo jang motokwane. Re ne ra rotloetsa mowa wa tshwaragano, go aga setshaba se se kitlanyeng. O gateletse botlhokwa jwa go tshwaragana ka gore go itsa mohoholela wa mekgwa e ka kgaoganyang batho ba utlwana. Lesenepole ke motse o o agilweng ka dikgotlana tsa tetlanyo di le nne, ebong Matoposana, Raphiri, Moremi le Lesenepole tse tsotlhe dikgosana tsa teng di leng mo maemong a le mangwe, mme go supega go tlhokega gore go nne le kgosi ya maemo a magolwane e e ka okamelang dikgotlana tse. Ka nako eo re ne re lema merogo ya rona re rekisetsa batswakwa ka e ne e le bone b aba neng ba kgatlhegela merogo thata, mme e bile ka nako eo re ne re rekisa ngata ya morogo ka botlhano, mm era tswelela fela jalo ka bopelotelele,. Mme Sisila o buile jalo ka letsatsi la segopotso sa bolwetse jwa HIVAIDS, a tlhalosa fa kgaolo potlana ya Tutume e na le batho ba le 36 750 ba ba tshelang le mogare mme mo go bone ba le 15 959 ba le mo diritibatsing fa ba le 20 791 go lebeletswe seemo sa bone mme bontsi ele bagolo. Le fa go ntse jalo, o ne a rotloetsa batlhophi go somarela dikarata tsa bone. Dilo tsa go nna jaana di ka tsisa lesedi, tsholofelo le go ikamogela, mme ba ba amegileng ba tsoge botoka. E rile a bua mo potsolotsong morago ga go etela ditiro tsa nyeletso lehuma di le lesome kwa metseng ya Hatsalatladi le Mahetlwe, Mothusa Tona wa tsa Madi le Ditogamaano tsa Ditlhabololo, Rre Vincent Seretse, a lebogela kgatelopele e e supagetseng segolo jang kwa Hatsalatladi. O tlhalositse fa gantsi dipeo tsa ditlhare tsone di bonala mo di jarateng mme a kaya fa nako e ntsi fa a bona peo e a e tlhokang o tsena mo lwapeng leo go kopa tiro ya go feela ka maikaelelo a go kgobokanya dipeo tseo. Ka jalo o ne a gwetha bomme go leka ka bojotlhe go sa kgobera borre maikutlo gore go rene thitibalo le kagiso mo malwapeng. Banana ba ikgatholosa ditlhopo O tsweletse a re ntlo ya Kgosi Sechele 1 ke yone konokono mo kgodisong tshomarelo ya ditso le ngwao ya Bakwena. Ba boletse fa mananeo a tshwana le a thuo ya dikgomo tsa masi le bontshe a tshwanetswe go tlhoafalelwa ka jaana a ka thusa Batswana fela thata. O rile dikarata tseo ke tsa boleng jo bo kwa godimo tse di ka sekeng tsa itirelwa motlhofo. Ga ke dumele. Fa a bua mo boemong jwa bomme ba kereke, modulasetilo wa bokopano jwa Southern Dinnery, Mme Tikologo Kenosi, o tlhalositse fa ba na le matshego a ba dirang ka one mo kerekeng, e leng a botho, borapedi le boaposetoloi. Modulasetilo wa tBotswana Teachers Union Funeral Funds (BOTUFF) Mme Gasethokwe Phirinyane ene o ne a tlhalosa fa maikaelelo e le go fa barutabana ba ba tlogetseng tiro seriti se se ba tshwanetseng ka nako ya fa ba fuduga mo lefatshing le le ka kwano. Fa a tswa la gagwe, mothusa mogokgo, Mme Bowelo Kesianye o supile fa mo nakong ya gompieno go le thata mo go bone go direla baithuti teko ka motshine o ba o dirisang o senyegile. Mananeo a ka nowa moro Beng ba dipolase tsa Sheerwood le tse di mabapi ba akgoletswe seabe sa bone mo go lwantsheng kanamo ya mogare wa HIV. A re ditiro tseo di botlhoko ka di kgona go senyetsa ngwana bokamoso, mme a kopa ba ba amegang mo ditiragalong tse go emisa tiro eo. O kopile ba ba isang bana ba bone ko dikoleng tsa sekgoa (English medium) go ba buisa Setswana fa ba le kwa malwapeng go itsa gore ba latlhegelwe ke puo ya Setswana. A re dikgang tsa kgokgontsho ya bong di tsweletse ka go kekela mme seo se supa fa bontsi jwa batsadi ba latlhegetswe ke tsela e e siameng ya kgodiso ya ngwana. Rre Batshu, yo gape e leng tona ya pereko le selegae, o tsweletse a bolela fa tsela ya Goshwe e sa akarediwa mo lenaneong la ESP ka e ne e sa akarediwa mo mananeong a ditogamaano tsa ditlhabololo mme e tlaa nna mangwe a mananeo a a tlaa bong a beilwe leitlho mo ditogamaanong tsa ditlhabololo tsa setshaba tsa lesome le motso. E rile aa fa tekodiso ya tsa komiti ya twantsho borukutlhi ( Cluster Policing) modulasetilo wa wa komiti Rre Tshokodiso Keitlhokile a kaya fa e rile mafelong a ngwaga gotswa ka kgwedi ya Phalane go tsena ya Sedimonthole, bane ba nna le lenaneo lago tsenelela dipuisano le banana ba Borakalalo goba gakolola go ikgapha mo borukutlhing. Superintendent Sitale a re ba sa ntse ba le mo patlong ya banna bao, ka jalo ba kopa setshaba go ba loma tsebe fa ba bona borre bangwe ba dirisa madi botlhaswa mo go belaetsang. Gape a re o na le tshepho ya gore ba bangwe ba tlaa tsaya malebela mo go bone, ka jalo a gwetlha ba kgaolo eo go ba bulegela ba ba thusa fa go tlhokafalang teng, e le ka maikaelelo a go dira ba le setlhopha se se ntshang maduo sa lephata la banana, metshameko le ngwao. A re ba ne ba dira jalo ka go tlhopha bana ba ba tshwarang ka bonako ba bo ba ba golaganya le ba ba tshwarang ka bonya mo ditlhopheng, a re seo se ne sa ba berekela. BOKHUTLO O boletse gape gore ba kolotwa P1 945 e le madi a dituelo tsa matlo a VDC a batho ba ba tsamaileng le a ba ba leng teng e leng P2 120. Rre Rapoo a re, go ikemela ka nosi go a letlelelwa, a tlatsa ka gore se ba ka se dirang ke go kwalela ba ofisi ya ditlhopho ba bo ba tlisa le sekano sa bone. Banni ba Letlhakane mo kgaolong potlana ya Boteti ba kopilwe go thusa lekoko la kabo ditsha le le romilweng ke tona wa ditsha go sekaseka kgang ya bomaipaafela. Arch Bishop Mereyabone o boletse fa e ne e le la ntlha ba abela setshaba, mme a supa fa ba setse ba simolotse tema e ba tlaa tswelelang ba e diragatsa le go e tsweledisa ngwaga le ngwaga. Kgosi Roger Lekgothu wa Ghanzi o rotloeditse setshaba go tsaya lenaneo la Re a Nyalana ka tlhwaafalo ka jaana a dumela fa le le mosola fela thata ebile le thusa go kganela go nna mmogo ga baratani ba sa nyalana. Ba gwetlhile puso go aga sekganedi kwa terateng e e kgaoganyang leruo le diphologolo go le itsa go kopakopana le dinare tse di bakang bolwetse jwa tlhako le molomo. Ba le 26 000 ba ikopetse Tirelo Setshaba A re ditiragalo tse di tshwenya fela thata ka di ama banana thata, ba e leng bone bokamoso jwa lefatshe leno. Mafoko a, a boletswe ke modulasetilo wa lekgotla le lebotlana la kabo ditsha la Letlhakeng, Mme Tshoganetso Gabotlhakanelwe, kwa bokopanong jwa bone le makhanselara a kgaolo-potlana ya Letlhakeng. Mopalamente Kwerepe gape a re banni ba kgaolo ya Nhabe fa ba ka inaakanya le mohama wa bojanala ka go tlhama makgotla, go ka ba tokafaletsa matshelo jaaka go diragala ka banni ba metse mengwe ya Okavango le ya Maun. O boleletse morafe gore ba tshware ka thata kwa masimo ka gore ke maikaelelo a puso gore batho ba leme mme ba kgone go ijesa. A re bone ba lesego ka maranyane a ba tokafaleditse tiro ka ba na le motlakase go ka bala go na le bogologolo. O tlhalositse fa a bapatsa kgwebo ya gagwe ka go bua le batho ka yone gongwe le gongwe kwa a yang teng, e bile a tsweletse ka go batla methale e mengwe ya go e bapatsa. Mogwebi yo, a re dithunya tsa gagwe o di reka kgakala fa gongwe e re di tla go goroga mo madirelong di bo di senyegile ka jalo a ikuela mo Batswaneng go ka bona se, e le monyetla go lema dithunya gore bagwebi ba tsone ba di reke bogautshwane go sena ditshenyegelo tse di kalo. Kgosi Ramosinyi Radipitse wa Tonota o ikuetse mo setshabeng go emisa kgokgontsho ya bagolo kwa masimo. O tlhalositse gore mooki Nighitngale e ne e le mooki yo o pelotlhomogi, a tlatsa ka go gakolola baoki ba ba neng ba tsile moletlong o, go nna lerato mo tirong ya bone le fa ba thusa bagodi. Mme Mpole o boletse fa a kopa motshetelo wa dijwalo mo merakeng le masimo a a mabapi le ene, mme a lwantsha diji mo dijwalong ka go dira motswako wa go tsenya kwii mo metsing abo e tswa matute mme a tlhakanye le pherehere e e lore e a e rekang ko shopong mme a tshele mo dijwalong tsotlhe, a re go dira jalo go mmerekela fela thata ka a tshaba go koba diji ka melemo ka a kgona go rekisa tsatsi le letsatsi. Mokhanselara wa Senyawe, Rre William Tatose le ene o ne a ema nokeng tshutiso eo, a bolela fa dikomiti tsa batsadi le barutabana di sa le di nnile teng mme seabe sa tsone mo go godiseng mhama wa thuto se sa tshwanela go ka tlodisiwa matlho. Magosi a rotloediwa go tsenya letsogo mo thutong O ne a kopa bakgweetsi go tsenelela dithuthuntsho tsa thuso ya potlako ka e le mosola thata mo matshelong a bone le setshaba ka kakaretso. Khamphani e abela baithuti paka A re ka tshwanelo e ka bo e le bone ba akolang metsi ao go na le metse e mengwe mme jaanong ke bone ba le mo mathateng a letlhoko la metsi. A re go molemo go itse bomolemo le bomaswe jwa lenyalo le motho a tseneng mo go lone le khansele dingwaga di le 20 tsa dituelo tsa lenaneo leo. Fa a bua le A re bangwe batsadi ba feletse ba isiwa fa pele ga lekgotla la Setswana ke dingwe di PTA ka ntlha ya go palelwa ke go duelela bana madi a ba a dumalaneng le ntswa e se a sepe. A re go a swabisa ka banana ba kgona go ya dibareng ba sena madi mme ba ya go tsenya lesukuru. Mme Kavurase-Sedio a re ga ba eletse go bona mme yo o imileng a kgoberegile maikutlo ka seemo seo se ka ama botsogo jwa gagwe ga mmogo le jwa losea. Mofufutso wa phatla o a busetsa Kgosi o buile fa ditsheko le manyalo di tla a bulelwa kgwedi ya Hirikgong e le malatsi a le lesome le boraro ngwaga oo tlang. A re fa mogare le bolwetse bo simologa go ne go sena se se thusang mme batho ba le bantsi ba ne ba latlhegelwa ke matshelo mme morago puso e ne ya simolodisa lenaneo la dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV/AIDS. Mo potsolosong le ba lekalana la dikgang kwa Serowe, mothusa molaodi wa Serowe, Rre Onalenna Daniel o tlhalositse fa ba berekisanya le ofisi ya ga mmaboipelego kwa motseng oo go sekaseka seemo go bona ba ba tlhokang go thusiwa, ka dijo di sentswe ke metsi, diaparo le dikobo le tsone di kolobile. O tlhalositse fa ba tlhoka thotloetso ya batsadi kwa dikoleng. O boletse fa makalana a LEA le CEDA a le botlhokwa thata mme a kopa morafe go ikaega ka one tebang le tsa kgwebo, bogolo jang la LEA. Fa a tlhalosa, mopalamente a re, puso e ne e akantse go dira ditsela di le masome mane le bobedi ka lenaneo la ESP mme ka ntlha ya tlhaelo ya madi puso ya tsaya tshwetso ya gore go tlaa dirwa ditsela di le lesome le bone fela. Thuto puisano e ne e tsenwe ke maphata a botsogo le boitekanelo le ba kokelo ya banana, ba sepodisi sa Botswana gammogo le mokatisi wa tsa setho. Fa a bega ditanka tseo, Rre Jacob Sesinyi, yo o boletseng fa e le mogakolodi wa Choppies, o ne a re le fa di sa lekana, di tlaa thusa. Thibelo borukhutlhi ke maikarabelo a botlhe A re ka jalo ba boloditse letsholo la go tshwara batswakwa ba go nna jalo e bile ba setse ba tshwere ba le masome mararo le botlhano ba ba tswang Zimbabwe. Rre Tshekiso a re ngwaga ono ke wa ditiragalo ka e bile lefatshe leno le tlaa bo le ya ditlhophong, ka jalo mapolotiki le setshaba ka kakaretso ba solofetse go le gontsi mo go bone e le badiralapuso go bona gore Batswana ba bona ditirelo ka tshwanelo le ka nako. A re batsadi ba bana bao ba ne ba sa kgone ditshenyegelo tsa go pega bana letsatsi le letsatsi ka ba le ’ikobo dikhutshwane. Ba Boteti ba re dituelo di a diega O gwetlhile balemi go inaakanya le temo monongwaga ka dipego di supa fa pula e le ntsi. Mo potsolotsong le BOPA, moanamisa mafoko wa sepatela sa Palapye, Mme Mpho Modibedi o rotloeditse bomme go ikgogela kokelwaneng eo go itlhatlhobela kankere. A re ba maloko a diphathi tsa bone tsa sepolotiki ba ikaelele go lwela lefatshe la bone e seng sepe gape. Molaodi wa kgaolo potlana ya Serowe, Mme Chabongwa Matseka, o gakolotse banni ba dikgotla tsa Mere le Morula mo Serowe gore leruo ga le a tshwanela go nna mo motseng. Mme Ntebele o ne a rotloetsa boora Balo go sola molemo dimpho tseo, a ba gwetlha go lema merogo go leka go bona letseno lengwe la go itshidisa le ba lelwapa la bone. Mopalamente wa Nkange, Rre Edwin Batshu a re go solofetswe go agiwa kokelo e e nang le malao a le masome a supa ka thulaganyo ya lenaneo la go rudisa itsholelo (Economic Stimulus Programme) go arabela selelo sa mosuke kwa kokelong ya Tutume. A re dikgang tsa gore o rile ga go na mapodisi mo motseng ga se nnete, ene o tlhalositse gore ke eng mapodisi a tlhola a ntse mo kgotleng asa ye go patorola mo motseng. A re go na le dintlha tse tharo tse di botlhokwa mo lenyang e leng tlotlo, therisano le go direla mokapelo wa gago bomolemo, a supa fa dintlha tseo di godisa lorato mo lenyalong e bile di rotloetsa go tshepana. A re bangwe ba ba amegileng ke batho ba ba kobo dikhutswane fa bangwe e le dikhutsana mme a botsa khansele gore bone bao ba ya go thusiwa jang. Rre Ramokate a re boeteledipele jwa lephata bo lemoga thata fa babereki ba lephata leo ba le botlhokwa, a re ke ka moo ba lekang go supa seo ka gone go ba rulaganyetsa mediro e tshwana le oo, ka jalo a gwetlha babereki ba dikgaolo tsotlhe go nna le boineelo mo tirong go ntsha maduo a a bonalang. Rre Nelson Matara ene o ne a kopa gore ba fiwe koloi ya ditonki e e tla isang bana sekolong letsatsi le letsatsi ka ba tsamaya sekgala se se leele go ya sekolong se se botlana sa Mogonono. Dipolase tseo tsa temo le thuo go bolelwa di tlaa phatlaladiwa semmuso ka kgwedi ya Phukwi. Mookamedi wa matlhabelo a Botswana Meat Commission (BMC) Dr Akolang Tombale, a re o tshwenngwa thata ke tsela e bontsi jwa baruakgomo ba latlhelelang leruo bogolo jang dikgomo mme e re morago ga seo ba bo ba supiwa ka monwana gotwe BMC ga e dire sentle kana gotwe e a palelwa. Mookamedi wa kereke eo mo Botswana, Rre Gasemosarwa Lebati o ne a tlhalosa fa kereke e le botlhokwa ka e thusa puso mo go ageng batho go iphapha mo dilong tse di bosula, ka jalo a re bokopano jwa bomme bo mosola thata ka bo tiisa mo tumelong le go tsamaisa malwapa a bone sentle. A re mo ngwageng ono dipalo tsa dititeo di dintsi ka go setse go begilwe ditiragalo di le masome a mabedi le bone ka Tlhakole fa ka Mopitlo ba nnile le di le lesome le borobabobedi. Bagwebi ba ba botana ba amogela madirelo a magolo O buile gore fa banana ba ka tlhoafala ba dira temo ngwao ya bone jaaka ba rutilwe, kgaolo ya Morolong e ka tlhabologa. Mme Kepaletswe o supile fa maduo a sekole sa bone a sa jese monate mme ba bone go le botlhokwa go kopana le batsadi gore ba tle ba thuse go tswa ka tharabololo. Morutabagolo Mme Hwisiso Moffat o tshwaetse fa bangwe bagolo ba supa fa ba nyoretswe go itse go bala le go kwala. Mme Ntau o kaile fa e le mosola thata bogolo jang mo dipoding ka di ntsha mashi a mantsi mme seo se thuse dipotsane gore di gole ka pele di itekanetse. Godimo ga moo a re o tlotlomatsa bophepa mo kgwebong ya gagwe go itsa tlhagogo ya malwetse a a bakiwang ke leswe mo dijong le tikologo. Mme Kedidimetse a re go nna teng ga motshine wa X-ray mo Palapye, go ba fokoleditse mosepele wa go ya Serowe le Mahalapye.O tsweletse a supa fa kokelwana ya bone ele kgologolo jalo e tlhoka go shafadiwa. O boletse fa a simolotse a lema ditlhare abo a lema merogo mme morago ga moo aya go bona mmapoipelego le molemisi a ba bitsa go bona tse a di lemileng mme ka seo a bona thotloetso ya lenaneo. A re ba ne ba kgona go thusa ka ditante tse dikgolwane di le tlhano gore ba ba wetsweng ke seru ba kgone go baya tlhogo. Legadima le gaila dihutshane O tlhalosetse fa a ne a tsaya nako e ntsi go bopa ka gore o ne a batla gore mmu le boloko di ome pele, e bo e le gone a tswelelang ka go di tshuba gore di lebege jaaka a batla. Dr Venson-Moitoi a re motsadi ga a a tshwanela gore a re ngwana o a mo palela e le wa gagwe, ka jalo o tlaa bo a se molato go ipeela melao mo lwapeng gore ngwana a tsene mo tseleng. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Russian Gakeolope, o boletse fa mo nakong e e fetileng ba ne ba na le mapodise a le mararo, mme mo bogompienong ba setse ka ba le babedi. Rre Thuto Chepete wa Jwaneng ke mongwe wa Batswana ba ba dumelang gore matlakala a ka tshetsa motho. Banni ba kgotla ya Tsopeng ba kopile mmatoropo le makhanselara a gagwe go dira tshutiso ya gore melao ya pereko e fetolwe ka jaana ya gompieno e baya babereki ka fa mosing. Banana ba bonya go dirisa mananeo Dietsele tse di neng tsa abelwa bangwe ba badiredi ba lephata la Matimela di akaretsa seetsele sa lesaka le le gaisitseng mme khansele potlana ya Tutume e ne ya tsaya maemo a ntlha ka lesaka le le kwa Nata le bitswa Marulamantsi. Kgorogo ya mabentlele a magolwane mo lefelong e lejwa e le tlhabologo e e tlaa tlhamelang banana ditiro. Wa kgaolwana ya Qangwa/Xaixai Rre Lelejwang Sokwe o supile fa kgang eo e tshwenya e bile e sa tshwenye ka gore batho ba le bone ba ne ba itlhokomolsa tsamaiso le dikgakololo. Go tlhalositswe fa leano la go tlhama mokgatlho le dule ka Mme Sylvia Kgosiemang ebile ele morulaganyi mo mokgatlhong. A re dirukutlhi tse, fa gongwe di itira jaaka badiri ba lephata la metsi kgotsa la motlakase. Fa a nankola mananeo a tshwana le a Livestock Management Infrastructure Development (LIMID) le Youth Development Fund (YDF), a re a lole ntwa ya dira ga di bonwe ka go pepetletsa matshelo a Batswana ka nako ya fa ramatheka a tlhasetse. A re go tlhoka tshwaragano le tirisano mmogo ya motia fagare ga babueledi le barongwa ka bobedi jwa bone ba tlhokana gore tiro ya bone e tswelele. Fa a buisa Khansele mogolwane wa kompone eo Rre Seabe Mabua o tlhaloseditse makhanselara fa ban a le matshwenyego a tshwana le gore didiba tse dingwe tse di nosang metse di a kgala. O tlhalositse fa matlo a boroko jwa barutabana a tlhaela, a tlatsa ka gore mangwe a setse simolotse go tokafadiwa gore a nne mo seemong se se botoka. A re ba ba rekang mo go ene ba kgona go mmolelela gore ba batla eng mme a bo a se dira. Leloko le lengwe la BHPPF Mme Masego Kgathola le ene o ne a gatelela maikaelelo a mokgatlho wa bone a go thusa batho go inoga mo lehumeng. O buile jalo ka kwa bokopanong jwa ba-na-le-seabe kwa Molepolole, jo boneng bo tsenwe ke megokgo ya dikole, mapodisi, ba lephata la thuto le dikgosana tsa motse. Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya didirisiwa ka ba kgona go nna sebaka ba sena metsi,motlakase mo diofising tsa bone dilo tse a supang fa e le sekgoreletsi mo go iseng ditlamelo kwa morafeng bonolo. Modiri wa botsogo go tswa kwa lekalaneng la DHMT, Rre Mogomotsi Samson, o ne a bolela fa bolwetse jwa COVID-19 bo anama go tswa mo mothong go ya kwa go yo mongwe. Go ya ka tsamaiso ya khansele-potlana ya Palapye, ngwaga mongwe le mongwe wa madi, go tlhophiwa batho ba le lesome go tswa mo kgaolwaneng nngwe le nngwe ya mopalamente go thusiwa ka lenaneo la kago ya matlo le le tlwaelesegileng ka Turn Key, le puso e le tshwaraganetseng le Botswana Housing Corporation (BHC). Fa a tlhalosa Rre Kapeko are gone go sena tshaolofelo epe ya gore batho ba tle dika ba robile lengwe mo masimong ka ntlha ga dipula tse di boutsana le seemo sa mogote se se ko godimo mme fela a re mo masimong a ga Rre Marutshe seemo ke se se pharologano. Kgosana Sephiri, yo o tswang kgakala a bua phatlalatsa ka seemo sa gagwe sa mogare, o ne a supa fa a setse a na le dingwaga di le masome a mabedi le boraro a tshela le mogare. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, mokwaledi wa khansele potlana ya Okavango, Rre Keletso Baraedi o tlhalositse gore bokopano bo tsaya metsotso e le masome a mararo mo mosong mme ga bo a itebaganya le thapelo fela, bo rotloetsa gore badiri ba kopane go itsane le go tshegetsana mo mabakeng a a farologaneng a botshelo. Mme Nthabi o kaile fa kgokgontsho ya bong e bakwa ke go tlhoka kitso ka kgokgontsho le thibelo ya yone, mo a gateletseng fa ele one modi wa kgokgontsho ya bong. Mma Segomotso a re fa e sale a simolola go jesa loruo lwa gagwe furu eo lo nonofile e bile lo ntsifala thata. A re kgotlhang gantsi e tsoga fa rre a leka go laola ngwana yo a mo fitlhelang mme ngwana le ene a batla go supa fa rre yo e se rraagwe selo se se feletsang se gogela kwa kgokgontshong. A re ka kgwedi o duela lekgolo le masome a robabobedi le bosupa a dipula mo lobakeng lwa dingwaga tse di masome a mabedi, mme a tlatsa ka gore madi a duelwa fela ntle le morokotso ope. Kgosi Maforaga a re go nna mmogo ga ga mme le rre ba sa nyalana ka fa molaong go borai, ka gore ke gone mo go dirang gore baratani ba bolaane fa ba na le tlhoka kutlwisisanyo ka ba sa laiwa ka nyalo le go tshela mmogo. O tlhalositse fa a ne a tsenelela dikgaisanyo tsa Thapong Arist of the Year Award ngogola mme le fa a ne a sa fenya kgaisanyo eo o ne a seka a kgobega marapo a tswelela ka go dira ka thata mo botaking jwa gagwe. O boletse mo diphuthegong tse a neng a di buisa kwa metseng ya Dibete le Bonwapitse bosheng gore maikaelelo a go simolodisa lenaneo la go rudisa itsholelo ke tsela nngwe ya go rotloetsa Batswana go tsena mo dikgwebong tse di ka bulelang ba bangwe diphatlha tsa mebereko le go tswakanya itsholelo. Rre Baumake yo gape e leng moruti wa kereke ya Apostolic Faith Mission a re moono wa bone e le ba lekgotla la baruti mo ngwageng ono ke go dira pharologanyo ka thapelo ba kopa Modimo go emisa masula ao a a gomagometsang go nyeletsa kagiso le thokgamo e lefatshe leno le itsegeng ka yone. O tlhalositse fa kgwebo e ikaegile ka go rekisetsa sekole se sebotlana sa Ntlhantlhe dilofo di le 49 beke le beke le batho ka bonngwe ka bonngwe mo motseng. Ke ne ka leletsa rre wa lepodisi, yoo neng a tlhokometse matlhophelo, Rre Ratanang Gaoakanye ke mo itsise ka gore ke lepodisi la rona mo Moralane, ga tlhalosa Rre Diphuhang. Ba Mogapinyana ba amogela dimpho A re gore mmutla o ntshe maduo, o tshwanetse go o fa lorato le go o tlhokomela ka furu e e rekwang kwa BAMB, matlape a merogo, mmidi o o bidisitsweng le metsi. A re ga se lantlha ba abela sekole ba tswa kgakala ba nste ba se thusa ka tse di amanang le thuto. A re go botlhokwa gore batsadi ba itsese barutabana ka malwetse a bana, le melemo e ba e nwang gore barutabana ba kgone go nna le seabe mo go thuseng gore botsogo jwa ngwana bo nne bo siame. Mme gape ba tshwanetse go patiwa ke motsamaisi wa ditlhopho go tlhomamisa gore ba ba thusang ba dira dikeletso tsa bone. O buile jalo kwa kgotleng kgolo ya ditsheko mo Gaborone ka Laboraro fa a ntsha bosupi mo tshekong e mo go yone, Rre Mogalakwe Mogalakwe wa phathi ya Alliance for Progressives (AP) a ikuelang kgatlhanong le maduo a ditlhopho tsa setshaba tsa ngwaga wa 2019 tsa kgaolwana ya bokhanselara ya Mosolotshane/Moralane kwa kgaolong ya Shoshong. Ka nako ya ditshupo tsa botaki ke ithuta go le gontsi mo bataking le badiragatsi. Rre Gakeresepe Moepele wa masimo a Dikole, o lebogetse maiteko a puso a go thusa Batswana ka ISPAAD, a supa fa go le botlhokwa gore balemi ba tseye mananeo ao ka tlhoafalo gore a ba solegele molemo.Bokhutlo O boletse gore ka nako ya Dipula, o ne a tswenwa ke bohutsana jo bo feteletseng ka a ne a sa farologane gope le le nonyane mo sentlhageng. Molaodi o ne a gatelela ka go re ngwaga ono ke wa ditiragalo tse dintsi tsa go sekaseka mananeo a ditlhabololo tsa dikgaolo le tsa setshaba (DDP8 le NDP11) ka jalo a ba kopa go nna le seabe se setona go bona gore tiro eo e tsamaya sentle e bile e nna le maduo. Rre Oats yo e leng moeteledipele mo setlhopeng se o boletse fa ba ne ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo go ntsha P200 go tswa mo dipateng tsa bone mme ba kokoanya madi a a kanang ka P3600 a e leng one a ba kgontshitseng go abela balwetse bao ba le masome a mabedi le boraro dimpho di akaretsa maungo,melora e e tlhapang, marache le melora ya meno (legano) mesangwana ya batsetsi, dintshwana tse di dirisiwang mo sepateleng le tse dingwe. Fa a bua mo boemong jwa ga Rre Samson Guma yo a leng mopalamente wa kgaolo ya botlhophi ya Tati Botlhaba, modiri kwa ofisisng ya mopalamente, Rre Mpaphi Zibochwa o ne a supa fa go swabisa go bo tshologelo ya morafe e sa nna e e kalo kwa tirong eo. A re phaephe e fa e ka thubega ga go ye go siama sepe. O kaile fa ba FNBB ba ntshitse dimpho tseo ka maikaelelo le ka nako e e tshwanetseng gore bana ba sekole seo ba tle ba kgone go itshireletsa mo pakeng e ya mariga ka batsadi bangwe ba sa kgone go rekela bana ba bone ditlhako botlhe. O tlhalositse fa go tlhoka boikarabelo ga bakgweetsi go gakatsa dikotsi tsa tsela mo go felelang go koafatsa le go gapa matshelo a batho. Mme o ne a seka a mo itsapela, a mo dira tshipidi tonto go fitlhela a itse ka tse di tlhokegang mo go lemeng merogo. Mme Matenge o supile fa sengwe se se mmerekelang thata e le go bo a nna a hirisetsa dikompone tse di farologaneng ditlhare tsa mekgabisa go kgabisa ka tsone fa ba tshwere ditiro tse di rileng. O supile fa a itshetsa le ka dinotshe ka go rekisa mamepe a tsone, mme a di tlhokomela ka dithunya tsa sonobolomo. Mafoko a, a builwe ke mogolwane wa lephata la thibelo malwetse, Mme Sally Ngwako, kwa pitsong ya botsogo e e neng e rulagantswe ke ba Serowe District Health Management Team kwa Sehunou bosheng. O tlhalosa gore fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho, temo-thuo le yone e na le tsa yone. Le fa gontse jalo rre Van Der Westhuizen o laetse ofisi ya ga molaodi go batla tharabololo ya kgang e mme ba lekodise ba ba amegang mo nakong e e sa fediseng pelo.Kgosi Kgabo o bile a lela ka seemo sa tsela ya Medie/Lentsweletau gore ga e tsamaege bogolo jang ka dinako tsa dipula. O bile a a bolela fa ba kopa gore go okediwe babereki ba ipelegeng,ba kopa koketso ya kokelano go na ee belegisang,ngaka le koloi ya kokelano. Morutabana wa lekwalo la bosupa, Rre Rebaone Mosarwa e ne ya re a tswa la gagwe a supa fa go ruta bana ba lekwalo la bosupa e le kgwetlho, mme fela a re go tlhoka boineelo le kemo nokeng ya bodiredi jotlhe le ba e seng barutabana tota. Kgosi Charles Letsholathebe o boletse fa Rre Dithapo a ka se kgone a le esi jalo a tlhokana le kemo nokeng ya morafe. Tona Maele o ne a bua jalo kwa Goo-tau mo Tswapong bokone kwa a neng a abela Mme Tshegofatso Monnawatlala ntlo e a e agetsweng ke ba lephata la Matimela ba kgaolo ya legare ka Matlhatso (March 28). Babereki ba Lephata la Banana, Metshameko le Ngwao ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba ne ba tshwere moletlo wa dijo tsa maitseboa kwa Masunga kgwedi eno e le malatsi mararo kwa. Mo tiragalong e nngwe, o boletse fa ba tlhotlhomisa kgang e mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro a ngatilweng ke segopa ka matlapa bosigo a tswa maitisong mo Ramotswa. A re go tlhoka go tsaya karolo mo thutong ya bana ga batsadi go imetsa barutabana tiro ka jaanong bana ba sa kgone go ithuta sentle kwa malapeng. O kopile banni ba dinokeng go ikanya temo-thuo ka e ka tsisa pharologanyo mo matshelong a bone. Mmuso wa re o itlamile gore nako le nako o bo o lekodisa bodiredi jwa one, b aba amegang le sechaba ka diphetogo tse di amang dituelo le mabaka a bodirelapuso. A re fa e ne e se dikgwetlho, maikaelelo a gagwe ke gore maphata a itshireletso a seka a tlhoka ditsompelo gore maikaelelo a bone a seka a retela. Kgosi Kegobonye Maruping wa Moshwaweng mo kgaolong-potlana ya Letlhakeng o akgoletse lekgotla le le botlana la kabo ditsha la Letlhakeng tirisanyo mmogo. Bobedi jo bo lebogetse dikgaisanyo tse ka ba re di ba fa sebaka go ipapatsa. A re ditlhopha tse ke bana ba Kanye mme e bile ba tlaa bo ba diragatsa ka boithaopo fela. A re go makgetho a le mmalwa mopalamente wa kgaolo ya Borwa Botlhaba Borwa, Rre Odirile Motlhale, a tsamaya a buisa dipthuthego tse banana ba sa di tseneleleng. A re kgwebo ya gagwe e ene e goga ka thata ka ntlha ya go rekisetsa mo lwapeng mme a simolola go latela bareki kwa malwapeng, dikoleng le kwa kokelong mme mo nakong eno o kaya fa a bona dipoelo tse di nametsang e bile a simolotse go apaya selekanyo se segolwane mo go se a simolotseng ka sone. Rre Mautle o tlhalosistse fago itshwara sentle ga banni ba, go nnile le seabe mo go reng tsamaiso yaditlhopho tsa bopalamente tsa Good Hope -Mabule e tsamae ka thelelo go senabothata bope . E re ka go lemosegile fa kgaolo ya Kweneng e dira sentle mo mananeong a tsa thuo bogolo jang ya dihutshane, banni ba kgaolo eo ba gakolotswe go tsibogela lenaneo la ISPAAD e e faphegileng ka bontsi, le le sa tswang go simolodisiwa bosheng ka le akaretsa thuo. O supile fa mafatshe a a amilweng ke bolwetse joo a akaretse Nepal, Thailand, Singapore, Malaysia, Australia, Canada, Italy, France, India, Russia, Spain, Sweden, Germany le Finland. Mme Mannathoko o ne a popotha legetla ba FNBB a kaya fa ba dirile tiro e ntle ya mowa wa kutlwelo botlhoko le lorato thata ka nako e e tshwanetseng ka e bile go le paka ya mariga a a boletseng fa e le bogale thata mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa. Rre Samson o ne a bolela fa dikai di ka gatelela batho ba masole a bone a mmele a leng kwa tlase, bagodi, batho ba malwetse a a sa alafesegeng le ba malwetse a mafatlha. Fa a ntsha la gagwe, mongwe wa bana, David o ne a lebogela se lekgotla le se mo diretseng fa e sale a latlhegelwa ke motsadi. O ne a tswelela go rotloetsa stshaba ka kakaretso go tsenya letsogo mo thutong. A re go ne ga latela kgaolo ya Tonota kwa go neng ga agelwa motlhoki ntlo kwa motseng wa Gojwane. Fa a amogela thomo, Rre Mere o ne a re o itse gore mo botshelong ga go na motho yo o ratang dikgosi ka di sa rate botlhoka tsebe le bogodu. Kgosi Mankgatau a re le bone e le magosi mo kgaolong ba dumelane gore magosi a motse mongwe le mongwe ba agele monalebogole wa motse wa bone ntlo. A re ere ka lefatshe leno le ikaegile ka temo-thuo, ke sone se mmuso o thusang Batswana ka lenaneo la ISPAAD le lenaneo la LIMID go tokafatsa seemo sa temo-thuo e bile a bolela fa mmuso o abela lephata la banana, metshameko le ngwao madi go rotloetsa banana go simolola dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone le go tokafatsa seemo sa matshelo a bone. Baithaopi ba, ba ba tswang mo mafelong a a farologaneng mo Botswana, ba rutuntshiwa ke lekgotla la mafatshefatshe la sefapaano se sehibidu, ofisi ya dibetso tsa tlholego le mokgatlho wa sefapaano se sehibidu wa Botswana. O kopile balatedi go ba ema nokeng ka madi le sepe fela se ba nang le sone. A re seo ke kgatelopele e tona e e tshwanelwang ke go lemogwa le go itumelelwa ke botlhe. One a tswelela ka go lemoga fa mohero a tlolela ona le nedi ee sa emiseng go tlhoga mme ba o lwantsha ka go ntsha medi e gona le go e kgaola. A re mmelaelwa ke motho waLetlhakane mme o dingwaga di le masome a mararo le bobedi. A re dingwe tsa ditiro tse di solofetsweng go dirwa ka lenaneo leo ke yone kago ya kokelo, ditsela tse di fa gare ga motse le go isa ditlamelo kwa ditsheng tse di kwa kgotleng ya Magapatona. Sexanana se baka matshosetsi kwa Letlhakeng Mothusa mookamela mapodise a Botswana, mme a lebagane le lekalana la tsa pharakano Rre Katholo Mosimanegape, a re ke boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go nna le seabe mo go thuseng batho ba ba dikobo dikhutshwane gammogo le ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela. Re na le di tante di le masome a le mararo le boraro le dikobo di le lekgolo le lesome le bosupa, a tlhalosa. Go sa kwala puo ya Setswana sentle ke lenyatso mo go yone, e bile ke go e tseela kwa tlase, ga bua jalo kgosi. O gakolotse batsadi gore ba seka ba bipa dikgang tsa petelelo mme ba di begele mapodisi gore ditlhotlhomisiwe. Kgosi o ne gape a eleletsa morafe wa gagwe keresemose e ntle le ngwaga o mosha, a ba kgothatsa gore ba seka ba iphetisa dino le gone go kgweetsa ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya dino gore ba kgone go fokotsa dikotsi tsa tsela le dintsho. Superintendent Maniki a re sepodise sa Botswana se ruta letsatsi le letsatsi gore batho ba seka ba thanya lomapo lo le tsebeng mme batho ba ipeile tsebe se utlwe. E ne ya re a mo kgwa dikgaba, modulasetilo wa khansele, Rre Mbulawa a tlhalosa fa kgang eo ba itshware mme a supa fa e tlaa tsaya nako go rarabololwa ka jaana e akaretsa mapahata a a mmalwa. Tsheko eo, e tla tswelela kgwedi ya Tlhakole e le lesome go tsena e le lesome le botlhano. A re o buisiwa se ke gore bana ba ba tsenang sekolo seo ba palo potlana mme ba ne ba ka isiwa kwa sekolong sa Kgomodiatshaba. A re e re ka ba re ba na le dingwaga ba ngongorega ka dipolasi tseo, o na le tumelo ya gore dikgang tsa bone di tlaa tsibogelwa. Dikgotla tsa metse ya Tswapong ka go farologana di ne di penologa ka bagolo, banana le bana ba ba neng ba tsile go keteka boipuso jwa lefatshe leno jwa masome a matlhano. Re tswa kgakala re dira ka thata, ka jalo go botlhokwa go gakolola ba ba lebalang, ga tlhalosa Rre Kwelagobe. A re Botswana ke lengwe la mafatshe a go fitlhelwang ditso tse di farologaneng tse di kgatlhisang thata jaaka tsa kwa Tsodilo, Palapye Hill le Toutswemagala kwa Maunatlala. E ne e rile a ntsha maikaelelo a letsatsi, modiri go tswa kwa ofising ya molomaganyi wa mananeo a bolwetse jwa HIV/ AIDS mo kgaolong ya Letlhakeng, Rre Onkabetse Ntswetswe, a bolela fa se e le go tla go itshekatsheka go bona gore a go nale kgatelopele mo go fokotseng kanamo ya mogare gammogo le gone go tla go rebola go tshwarwa ga merapelo mo mafelong ka go farologana. Mogwebi mongwe yo mmotlana yo o akolang diphetogo tsa go nna jalo ke Mme Gomotsang Jane wa Hukuntsi. Komiti e supa mowa wa kutlwelobotlhoko Mopalamente one a tlhalosa fa kgang ya go oketsa kokelano e se mo lenaneo, mme e tla tsholediwa maemo go na Health post,atlatsa ka gore ngaka ya bone e teng mathata ke gore ga ena boroko . Mme Kruger a re mme yo o nyetsweng, ke motsadi, ke mmereki gape ke moeteledipele, a re mme o tshwanetse go ntsha maduo a a tshwanang le a rre yo a berekang le ene e le lepodisi, mme yo gape ke ene a tlhokomelang ba lelwapa la gagwe, a bafa lorato, a kaela bogolo jang bana tsela ee botoka ya go tshela botshelo jo bo amogelesegang. Mme Molubi o supile gore mo dipegong tse di mmalwa tse ba kgonneng go di amogela, ba lemogile fa modi wa seemo seo e le ka fa batho ba godisitsweng ka teng. Nata/Gweta o tlhoka Majaga - Makgato A re o isitse maina a batho ba le 44 kwa ofising ya mesepele le dipasa gammogo le ya dintsho le matsalo go tla go sekaseka gore batho bao ba ka thusiwa ka tsela e e ntseng jang. Motshwarelela Mookamedi wa koporase ya Water Utilities, Rre Gaselemogwe Senai a re le fa diofisi tsa koporase di tswetswe, o rotloetsa ba ba kgonang go dirisa maranyane go tswelela ba duela dikoloto tsa metsi. Rre Madzambi o kaile gape fa mananeo a puso a le bonya go goroga kwa go bone, a tlhalosa fa go na le baikopedi ba ba sa bolong go dira dikopo, mme nako kgolo ke eno ba ise ba thusiwe. A re seru sa go tshwana le se se kgona go nna le seabe se setona mo dithutong tsa bana, segolo jang ba ba amegileng. Ntle le dikgoreletsi, Rre Puku o tlhalositse fa monongwaga a tla dika a jele mogopo o tletse ka balemi ba bone thobo e namagadi. Mokwaledi wa Khansele ya Jwaneng Rre Dick Kalantle are lenananeo la Ipelegeng ga le diretswe Batswana gore ba intshe mo lehumeng, eseng batswakwa. Rre Toteng a re melato ya borukhutlhi e e akaretsang dikiteo le go rekisa majalwa a Setswana e se ka fa molaong e fokotsegile ka thuso ya ba twantsho borukutlhi. E rile a amogela molelo wa kgolagano, Kgosi Seabelo Pilane wa Sikwane a kaya fa ba itumetse ka jaana molelo wa kgolagano o tsisa kagiso mo gare ga bone. Banni ba re tsela eo e borai, segolo bogolo bosigo ka gore e na le lebone le le lengwe fela mme e bile lebone la teng, o kgona go fitlhela le timile nako tse dingwe mme seo se beye matshelo a bone mo kotsing. Mme Rosina Gaselebale, yo o dingwaga tse di masome a supa le bosupa wa motse wa Semitwe a re morago ga go fiwa lenaneo la tshingwana ya merogo ka ngwaga wa 2015, botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga go nna mo seemong se se nametsang. O boletse gore fa e sale madi ao a tsena bone mo Qabo ga ba ise ba bone ditlhabololo di dirwa ka lenaneo leo. Mme Molelo a re le fa letlhoko le le teng ga le bakgobe marapo ka ba sokola ka mo go tweng go neela bana thuto ya boleng jo bo kwa godimo. Mme Keaketswe a re gape bokopano jo, bo ntse le seabe se segolo mo kerekeng ya bone ka bo ngokile maloko a kereke a a neng a saletse kwa morago mme ba nna le sebaka sa go tia moko mo tumelong. Banni ba boletse fa ditlhwatlhwa tsa metsi di tsitsibanya mmele ntswa ba sa nwe metsi sentle. Banni ba masimo a Mmamojewa mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba batla Ipelegeng kwa masimong a bone. Mme Koogotsitse o tlhalositse fa komiti e le yone ka nosi e akolang go thapela mananeo a go selwa ga matlakala, nyeletso lehuma le la Ipelegeng, morafe one o kgaphetswe ntle. Mothusa tona a re fela jaaka matshwenyego a le mantsi ka tsamaiso ya lenaneo leo mo kgaolong eo, le ene o dumela fa go le gontsi mo go tlhokang go dirwa ke bodiredi go tokafatsa tsamaiso ya lenaneo le gore Batswana ba ba atlegileng ba kgone go le aramela le sa ba tlhabetse. Lt Col Motswagole o tlhalositse gape gore e re le ntswa maikaelelo a bone kwa tshimologong e ne e le go agela motlhoki ntlo ya bonno, go sa nna teng ga motho yo o neng a tlhoka thuso ya mothale oo mo motseng go ne ga ba fa sebaka sa go dira tiro e e sologelang botlhe molemo mo motseng. Fa a buisa banni ba metse ya Tshesebe le Themashanga mo kgaolong ya Bokone Botlhaba bosheng, Tona Batshu o ne a gwetlha Batswana go obamela melao e e tsamaisang lefatshe, a re seo se ka thusa go dibela kagiso. A re morula go dirisiwa o o sa ungweng mme o dirisiwa go betla dikika. O tlhalositse mo potsolotsong fa a thusitswe ka 2013 mme a simolola madirelo a Charlla Bakery ka 2014. Mme Jansen a re ka 2012, o ne a kgatlhegela thuo ya mebutla ya sekgoa, mme a reka mebutla e le mebedi o motonanyana le o monamagadi ka P600. Bana ba ba tshwanetse go gola ba itse go ikopa maitshwarelo, Tona Ngaka a tlhalosa. A re fa e sale a simolola go nna mokhanselara ka 2014, ditsela tsa mo motseng ga di ise di baakanngwe le ntswa a tsere matsapa a go bua le ba ba maleba go thusa ka seemo seo. Fa a tswa la gagwe mokwaledi wa khansele Mme Gomolemo Moepeng a re go lebanye go re khansele potlana ya Bobirwa e tshware moletlo wa mafelo a ngwaga gore ba leboge botlhe ba ba dirisang le bone jaaka bagwebi baba ikemetsengka nosi, maphatla a puso ajaaka la kabo ditsha, ofisi ya molaodi, lephatla la makgotla a Setswana (Tribal Administration) a a ba thusang go isa ditlamelo kwa metseng e le lesome le bosupa. Ba kopile gape gore ba letlelelwe go lema ba gasa ka jaana go le bofefo. Rre Phiri o buile jalo ka Matlhatso kwa mabaleng a Bothakga jaaka go ne tshwerwe moletlo wa dijo tsa setso le dikgaisano tsa dikhwaere tsa boipuso kwa Lobatse. Inspector Kumbani Machaya o ne a tlhalosetsa lekgotla gore e le ba bosekisi ga ba kgatlhanong le gore basekisiwa ba letele tsheko kwa ntle, mme ba kopa gore ba beelwe melawana ya go letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo. A re ka jalo, go a tlhokafala gore banni ba batle maano a mangwe a masha a itshetso jaaka go gweba ka tsone diphologolo le matlotlo a mangwe a tlholego, a a fitlhelwang mo tikologong ya bone go itshetsa fa puso e santse e tsweletse ka go batla maano a go rarabolola manokonoko a a amileng kgaolo ya bone. E rile a bua mo thutuntshong e e neng e rulagantswe ke khansele-potlana ya Palapye go tla go tlhatlhelela ba ba biditsweng go tla go tsena mo ditumelanong le khansele ka tsa kago ya matlo, modulasetilo wa komiti ya SHHA mokhanselera wa Mmaphula bogare, Rre Molefane Tseladikae a tlhalosa fa e le maikaelelo a bone go rutuntsha ba ba tlhophilweng pele ba tsena mo ditumelanong gore ba itse ka botlalo se lenaneo le se rerang. O ne a ipega ka go re, Re tsile kwano Kgosi, go supa maitseo a rona a a kwa godimo, re tsile ka lorato kwano re le Batswana re tswa gongwe le gongwe mo Botswana, ka gore bana ba re ba direlang fa, ke ba rona. Kgosi Mosadi Seboko wa Balete, o ne a lebogela badiri ba ofisi ya ga Tautona lorato le boithaopo. A re go kgoba marapo fa ba begela mapodisi dikgang tsa borukutlhi mme ba bo ba diega. Balwetse ba ba robaditsweng mo kokelong mo nakong e ya ngwaga ya malatsi a boitapololso ga ba a ikgethela e bile ga ba a ikwadisetsa gore ba ka robatswa mme ka seo go botlhokwa gore kereke e supe maitlamo a yone le seabe mo go thuseng batho le go tsisa monyenyo mo go ba ba robaditsweng. O ne a fa sekai ka sediba sa Khudumelapye a supa fa se ntsha metsi a a kwa tlase mme a supa fa ba le mo patlong ya didiba tse di ka thusang go nosa fa tse dingwe di fela metsi. A re se se maleba ka jaana ba tshwentswe ke dipalo tse di itlhatlhobelang mogare le gone go dirisa ditirelo tse dingwe tsa dikokelo le ntswa di le teng mo dikokelong tsotlhe. Rre Dikgang o kopile gore batsadi ba sebopego se se ntseng jalo ba begwe kwa molaong ka gore ba kgotlela bokamoso jwa bana. A re kopo ya ga Tautona ya go agela batlhoki matlo e dirile gore kereke e thanye gore thomo ya bone ba e direka lerato le mautlwelobotlhoko. A re lefa maiteko a go nyeletsa kanamo ya mogare a dirwa, go santse go na le dikgwetlho tsa go tlhoka go itlhatlhoba ga borre, batho ba ba sa saleng ditaelo tsa bongaka morago le ba ba tlogelang go tsaya diritibatsi fa ba setse ba le botoka. Ba re jaanong e nne selo modiro go lalediwa go baakanya le go aga lekgotla. O ne a tswelela a dira mme a bona batho ba kgatlegela tiro ya gagwe, selo se se neng sa mo tiisa moko. Mapodisi a tlhotlhomisa leso A re mekgabisa e mengwe o e dira ka mabotlolo a dinotsididi ka go gabolola a bo a a kgabisa gore a lebege jaaka sethunya. A re maduo a mantle ao a tshwanelwa ke go lebogwa go lemoga tiro e ntle ya barutabana le baithuti. A re, jaaka lephata le le tshwereng selo se se botlhokwa se se tshwanang le botsogo jwa setshaba, ga go a a siama gore dikoloi tsa lone di bo di tswaletswe lebaka le le leele kwa CTO di emetse go baakanngwa. Rre Ngande o tlhalositse fa e se ene fela a emeng ka dinao, a re balemi bangwe le bone ba tsere malebela mo go ene ba setse ba e lemile go kgona go thusa leruo la bone. Monna yoo, o ne a bolaya moratiwa wa gagwe ka go mo tlhaba ka sengwe se se bogale kwa masimong a Ishashe gaufi le Ramopkgonami, mme morago a ikgapela botshelo ka go ikaletsa. Mme Dolly Pule a re ga go nko e tswang lemina mo go arabeng dilelo tsa bone, mme ba tswa kgakala ka go kopa gore ba tsisediwe ditlamelo mo motseng wa bone. A re o ne a bolelela lepodisi gore go na le mongwe wa leina la Bajeleng Kaodimba, yo o tsamayang le mola a ema ema le batho ba ba tsileng go tlhopha mme go belaesega a polotika. A re dikgwebo tse di berekang di akaretsa Soon and Soon Investment Poultry, Batsogapele Leather Works, Gamokgomana Toilet Paper and Diapers, Onae Farmers Group Smallstock, Mmamokhasi Vegetable Production, Gamodenaka Brick Moulding le Bana Ba Motho Theatre Artists. Kgosi o buile se mo potsolotsong bosheng. Hulela a re bapalami ba ne ba tswa Mahalapye ba ya go bapala phane kwa Lerala. A re o eletsa go bona kgwebo ya gagwe e gola e bile e na le setsha se se ka fa molaong. E rile a ntsha molaetsa ka thuso ya moranodi, monana wa motlhoka kutlo, Rre Edwin Mabotle go tswa Gantsi, a re o kopanye le bogole a le dingwaga di supa. Go ya ka mogolwane wa mapodise a Tutume, Superintendent Jerry Halahala, monna yoo, yo o tlholegang kwa Zimbabwe go bolelwa fa a ile a tlhoka kutlwisisano le mongwe yo le ene a tlholegang kwa Zimbabwe kwa sepotong sengwe gone kwa masimong ao. Fa a tswa la gagwe, mogolwane go tswa kwa lephateng la SHHA mo Ghanzi, Mme Motsei Moutswi o ne a gakolola banni ba dikgaolwana tseo go dirisa diofisi tsa bone, ka e bile maikaelelo a bone e le go rurifatsa fa Batswana ba na le bonno. O ne a tlhalosa fa tsamaiso e bontsi bo e tshaba ba tsaya gore e batla bo maitseanape mo go tsa kgwebo mme e motlhofo ka mogwebi a supa fela ka fa a tla a tsamaisang kgwebo ya gagwe ka teng. Thulaganyo e e tlhoka thuto e tseneletseng go itse ka fa dikotlhao di tsamaisiwang ka teng mo dikgolegelong, ga buwa mookamedi wa dikgolegelo Ka jalo o gakolotse setshaba go emisa mokgwa wa go nna baatlhodi mme ba amogele ba ba weditseng dikotlhao go tsena gape mo gare ga setshaba. Rre Kelekamang Keobatile mongwe wa banni are ga a itumelele ka fa madi a dikgaolo a kgaogantsweng ka teng. Le fa go ntse jalo, mothusa-tona o tlhalositse fa go tlaa tlhokiwa bosupi jo bo papametseng jo bo supang mabaka a go swa ga dikgomo tseo, a re barui ga ba kake ba duelelwa dikgomo dipe tse e leng tsa bone fela. O ne a gwetlha banana gape gore ba seka ba itira bo tsebe se utlwe fa ba bolelelwa ka meila ya Setswana ka e na le boleng mo go thuseng go falotsa bana mo kotsing. Rre Monyena a re bontsi jwa balemi ga ba na didirisiwa tsa temo tse di dirisiwang go somarela bokgola, fa ba bangwe ba na le tsone mme ba sa itse go di dirisa sentle. Rre Maele yo e bileng ele mopalamente wa kgaolo ya Lerala/Maunatlala o buile mafoko a fa ane a simolodisa semmuso letsatsi la balemi barui ba kgaolo ya Mookane, le le neng le tshwaretswe kwa merakeng ya Rankgapane ka Matlhatso le rulagantswe ke Rre Thapelo Setlalekgosi, Rre Thebe Setlalekgosi, Rre Alpheus Mokgadi le Mme Phenyo Nthase. Tona Ralotsia, yo e bileng e le mopalamente wa Kanye Bokone, o ne a patilwe ke mothusi wa gagwe, Rre Fidelis Molao kwa letsatsing la go isa ditlamelo tsa temo-thuo kwa bathong kwa Ntlhantlhe mo kgaolong ya Borwa ka Labobedi (30/06/2015). Monana o itshetsa ka thuo ya dinotshi Rre Wright a re nako e tsile ya gore ba ikemele ka dinao ba sireletse matlotlo a bone gore a sologele morafe mosola. Mogokaganyi wa ditiro tsa mokgatlho wa Arts Rain Culture mo Selebi Phikwe, Rre Tshepho Tsela a re o itumeletse ka fa moletlo wa Ko Chomeleng Cultural Festival o o neng o rulagantswe ke mokgatlho wa bone o tsamaileng sentle ka teng. O ne a tlhalosa fa go betla go dirwa mariga ditlhare di omeletse. Mme Kutlase o ne gape a kopa borre go emisa go ratana le bana ba dikole ka ba santse ba le bannye mme ba ise ba kgone go ka tsaya ditshwetso tse di amang matshelo a bone mabapi le tlhakanelo dikobo. Le fa go ntse jalo, a re o tsentse kopo kwa go ba lephata la boipelego go mo tswa thuso ka lenaneo la nyeletso lehuma. Rre Nawa o konoteletse ka go tlhalosa fa ene mo nakong eno a santse a tlhaba leruo la gagwe thobega fa le robegile mme e bile a kopiwa ke barui ba bangwe go ba direla leruo mme a sa lope dituelo dipe ka a na le lorato. Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi Botoka yo o tlhomilweng mo setilong monongwaga ka Ngwanatsele, a re e rile fa a simolola tiro a dira ditshekatsheko tse a kgonneng go lemoga letlhoko la motse wa gagwe le a tshwanetseng go itebaganya le lone mme nngwe ya lone ya nna seemo sa borukutlhi se go lemosegileng se tlhoka go tsibogelwa. E rile ba tswa la bone, balatedi ba supa fa ba itumelela tiro e ntle e e dirilweng ke komiti e e neng e goga setlhopha. Makhanselera a phathi e e busang ya Domokoraga ba kgaolwana ya Palapye Administrative Authority (PAA) ba batla setilo sa mothusa modulasetilo se boela mo phathing, morago ga gore mokhanselera yo o ntseng a le mo go sone a fudugele mo phathing ya BMD. O supile fa a rekisa kopi P5 mme e bile batho mo Sehithwa ba o itumelela e bile ba o rata. O supa fa bane ba dira diaparo tsa di polasitike go itsa go tlhabiwa ke mmitlwa mme ba o haraka ba o olela ba o tshela ko ntle ga masimo. A re o ipotsa gore seabe sa kgotla kgolo ya Batawana ke eng ka e le gone kwa Tautona a tlang go laela setshaba sa gagwe teng. Rre Mokgatle o ne a ba gakolola gore ga ba a tshwanela go dira molato ope ka nako ya ba santse ba letetse tsheko. O ne a re le ntswa pego e itebagantse le go tokafatsa toropo, go sa ntse go na le matswhenyego a matlakala a a gasagasameng le toropokgolo. Rre Khan one a kopa sechaba go itse gore ba tshwanetse go nna le seabe mo ditlhabololong tsa motse ba ikopantse le bodiredi jwa puso ka ga farologana ga mmogo le Kweneng District Council. BCP e amogela maloko a masha A re lorato, bopelotelele le thotloetso go tswa go ba lelwapa la gagwe ke tsone tse di mo gwetlhang e bile di mo tiisa gore a tswelele pele mo kgwebong. O tlhalosiste fa e rile mafelo a ngwaga o o fetileng a ne a kwalela Kgosi Ponatshego go supa fa sebaka se se dumalanyweng sa go tshwarelela ga gagwe se wela mme a supa boikarabelo le go tlotla tsamaiso le mowa wa kagiso. Mo potsolosong le Molaodi o tlhalositse fa bogakolodi bo thusa gore banyalani ba tlhaloganye bomolemo jwa kgolagano ya bone le gone gore e tlhoka boitshwaro jo bo ntse jang. A re e re ntswa banni ba kgaolo eo ba tlwaetse go lema mmidi fela, ba tshwanetse go fetoga ka lebaka la diphetogo tsa loapi. Ba tsweletse ba supa fa lenaneo la kgwediso ka diatla le sa solegele barui ba ba botlana molemo ka go le turu mo go bone go isa dikgomo gonne ba tshwanelwa ke go di ikisetsa kwa kwarantining kwa Makoba. ‘’Batsadi bangwe ba na le puo ya gore ngwana ke wa mmaboipelego, ba mo ithontsha ba sa mo fe lerato le go mo godisa sentle,’’ Rre Dikgang a tlhalosa. Rre Ramaabya a supile fa gape ba sa robadiwe ke bogodu jwa go phamolela batho. A re ka yone nako eo ya faleobo le simololwa go agiwa lephata la gagwe ka le na le maitlamo a gorotloetsa tsa ngwao le ne le setse le na le botsalano le motse wa Manaledi ka ohumile mmu wa letsopa o o dirang dinkgwana mme ga boisanngwa le bogogi jwamotse mme ba felela ba kopile gore ba agelwe leobo la kgotla. Rre Tshekiso o ne gape a ba kopa go itse se se diragalang mo maphateng a mangwe. Ere ntswa beng bangwe ba ditiro tseo ba ne ba seyo ka mabaka a temo, mothusa tona Seretse o ne a itumedisiwa ke tlhokomelo e neng ya lemosega mo ditshingwaneng tsa bone. E rile a bua mo potsolotsong le lekalana la bobega dikgang la BOPA a tlhalosa fa phutho e tsweletse e bile ba rotloetsa barui go tsamaela kwa masakeng a matimela go ya go bona leruo. Moruti o rotloetsa lenyalo pele ga tlhakanelo dikobo Fa a tswa la gagwe mmaboipelego wa kgaolo ya Lentsweletau Mme Desiree Thobega are fa ba dira ditshekatsheko tsa bone ga ba lebelele matlo mme ba a bo ba batla go bona gore a botlhoki bo teng ka boammaruri. O ne a tsibosa setshaba fa puso e dirisa matshebetshebe a madi go itepatepanya le seemo sa segajaja, a supa gore fa batho ba ka sala dikgakololo tsa ba botsogo morago, matshelo a le mantsi a ka babalelwa mme puso e kgone go atolosa ditlhabololo tse dingwe ka madi ao. Fa a itebaganya le lenaneo la SHHA, Mme Mpetsane o ne a ba kopa go le tsaya tsia go leka go tokafatsa bonno jwa bone ka jaana bonno e le selo sa botlhokwa mo botshelong jwa motho. A re ntlo ya gagwe e ne ya rutlologa, dilwana tsa koloba le motlakase wa kgaoga. O boletse fa mokatisi a batla go rekelwa batshameki go nonotsha setlhopha se a nang le sone. A re mme yoo o ne a bona bangwe mme ba mo tlhomamisetsa fa ba reka dikoloi tsa bone kwa United Kingdom. O ne a gwetlha baithuti go inaakanya le thuto. A re mogopolo wa temo ke mogopolo o montle mme o ka felela o paletse ba le mmalwa ka mabaka a tsela ya Modipane e e sa siamang mme go ba tlama go tsena ka Mochudi go fitlha kwa dinokeng. Rre Autlwetse o tlhalositse fa lefoko la kgosi le agelwa mosako, a tlhalosa gore fa kgosi a kua mokgosi kwa kgotleng morafe o ne o sa botse, o tshelesegela ka makatlanamane. Lephata la botsogo le ipaakanyetsa dikoloi O kgothaditse banni gore ba seka ba itetla go tsiediwa ke bao ba ba kgatlhanong le tiriso ya maranyane a, ka e le nngwe tsela ya go fefosa tsamaiso ya ditlhopho. Ke na le dipudi di le lesome boferabobobedi le dipotsane di le lesome le boferabongwe, ga tlhalosa Mme Thankane. O buile gore letsatsi le la ngwao ke la Barolong botlhe. Mogolwane wa mapodisi mo Maun, Rre Motlhaba Ramaabya a re magodu a simolotse methale e mesha ya go utswa dijojo kwa kgotleng ya Disana II. E rile a ema ba-tsaya karolo ka lefoko, moitseanape go tswa kwa lephateng la tlhabololo banana metshameko le ngwao, Rre Moreetsi Bogosi a tlhalosa fa mabelo le metshameko di ribolola talente ya banana ba ba sa tseneng sekole. O ne a bolela fa go nnile le tlhaelo ya boroko ka letsatsi la Makgadikgadi Epic, a re kgwetlho e ba nang le yone ke ya makalana a a thusang ka madi a tshwana la CEDA le a mangwe, a re ga ba ba thuse fa ba ikopela kgwebo ya boroko ba bolela fa e setse e tletse go sena mmaraka. Mme Ntau o boleletse BOPA fa a ne a tlelwa ke mogopolo wa go itirela furu ka tshetlho morago ga go lemoga fa gantsi pula e le boutsana mo kgaolong eo mme phulo e seo. A re a bone gore ba ntse ba tlotlana jang mo kgotleng ya bone, e bile nne e re fa mongwe a tswa mo tseleng ba bangwe ba mmusetse. Mosekisiwa yo mongwe ke Baagi Setshwantso wa dingwaga tse 46, a tlholega kwa masimong a Dikolakolane teng mo Kweneng. Fa a ba kgwa dikgaba, Tona Kgafela o ne tshwaela fa lephata le tlaa itshekatsheka go bona gore ba fefosa dikopo mme a tlatsa ka go rotloetsa ba ba thusitsweng go netefatsa gore ba a duela gore puso e kgone go atolosetsa lenananeo kwa go ba bangwe. Mme Ramosiane o buile seo lebanni ba Mokgomane beke e e fitileng mo phuthegong ya kgotla, a re batshwenngwa ke dikgang tse mo go tsone batsadi ba kwalang makwalo a go supelabatho gore ke Batswana mme boammaaruri e le gore batho bao ga se Batswana. A re e re ka mo sesoleng dikgang tsa botsogo di tsewa ka tlhwaafalo ka temogo ya fa lesole le le sa tsogang sentle le ka seke le kgone go dira tiro ya lone ka botswerere, ba ne ba bona go le botlhokwa gore ba rotloetse botsogo jwa setshaba ka go thusa go tokafatsa go abiwa ga ditirelo tsa botsogo. Fa a bua mo moletlong wa go abela bana ba dikole tse pedi tse dipotlana tsa motse wa Otse ba le masome a robabobedi paka ya sekole ya mariga, Kgosi Mothusi Tsetse wa motse wa Otse, o tlhalositse fa go nna gaufi le Police College e le tshegofatso mo motseng wa bone ka jaana ba ba thusa le ka gone go dikologa mo maemelong a dikoloi, ka magodu a ba apesitse kobo ka letshoba ka go ba amoga di tsa bone. Ba ntshitse matshwenyego ao mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke komiti ya palamente ya temo-thuo, lefatshe le bonno. O tlhalositse fa ngogola Rre Odirile Monare a ne a ba rekela didirisiwa tsa P12 000, selo se a bolelang ba se lebogela fela thata. Mme o kopile batho go nna ba pudi matseba ka badira melato ba, ba le gongwe le gongwe. Ka kgang ya dituelo tsa metshameko ya kgaolo, go ne ga supega fa ba ya go duelwa mo ngwageng one wa madi le gore ditlhopha tsotlhe tse di kolotiwang melala le yone e tlaa duelwa. Le ntswa a re khansele e kile ya tla go thusa mo motseng, ga e a dira go lekane go tlhabolola ditsela tseo ka seemo sa tsone se sa fetoga. Batsadi le barutabana ba gwetlhilwe go nna seopo sengwe kgatlhanong le tiriso ya nnotagi le diritibatsi ga bana ka di na le ditlamorago tse di garolang pelo mo matshelong a bone. Mothusa tona ya temo-thuo gape e le mopalamente wa kgaolo ya Shashe Bophirima, Rre Fidelis Molao ene o itlamile go ntsha P3000. Rre Ramokapane o tlhalositse fa tiriso ya methale ya temo ee tlhabolotsweng go oketsa thobo, selo sea reng seka tokahatsa matshelo a batho ka jaana le tlala e tlaabo e sa nne teng. E rile a itebaganya le tsa botsogo, Rre Kablay a re dingaka le baoki ba a tlhaela mo dikgaolong tse di kgakala le ditlamelo, bogolo jang ka bangwe ba gana go berekela mo dikgaolong tseo. Gen SeretseKhama le tona Siele ba sa ikaelele go sekegela dingongorego tsa bonetsebe ba tlaa tseela kgang eo kwa kgotleng kgolo ya ditsheko. Tona wa temo-thuo, Rre Patrick Ralotsia o rotloeditse balemi-barui go dirisa mananeo a temo-thuo go ntsha dijo le go rekisa ka gore go kopa kwa mafatsheng a mangwe ga go monate, ka Motswana a boletse a re lerotse ka makopo le se na kgodu. Lephata leo le tsere maemo a bobedi ka go thomagana ka ngwaga wa 2012 le 2013. Mme Tshwenyego a re o simolotse dithuto ko ga-e-golelwe ngwaga o o fitileng mme a tlhalosa fa lesedi le a setseng a le amogetse le fetotse botshelo jwa gagwe, a re thuto e ka fa motho seriti gape e ka thusa motho go boloka sephiri sa gagwe. Kgotla ya rona e tshwara dikgetsi tsa Old Naledi le Borakanelo Police Station mme go supafala gore fa re ka nna le mokwaledi yo mongwe go ka nna le maduo a a nametsang, a supa. Go tshela ka bo-na-le bogole ga se sekgoreletsi Are keletso ya gagwe ke gore ekete e kare goromente a ntse a dira mananeo a gopole le bao ba ba nang le mowa wa boipelego ka bas a bolo go wa ba tsoga le dikgwebo tsa bone , ka jalo are fa ba ne ba ka bona thotoetso ba ne ba ka direla lefatshe leno gole gontsi. Fa ba bua kwa phuthegong ya phatlalatsa ya go supa ntlhopheng wa bopalamente wa kgaolo ya Nata/Gweta, Rre Polson Majaha le makhanselara a gagwe kwa Nata bosheng, Rre Seloma o boletse fa mo ditlhophong go na le go fenya le go fenngwa, mme a re ke dilo tse a emetseng ditlhopho a ntse a di solofetse ka jalo o ka seke a tlhanogele phathi ka lebaka la gore o fentswe. Rre Molebatsi a re pele, molao wa kgokgontsho ya bong o ne o sireletsa bana le basadi fela, mme dipatlisiso di supile fa kgokgontsho ya borre le yone e le teng, ka jalo palamente e ne ya baakanya ditsetlana tsa molao o, go o atolosa gore o akaretse le borre. Rre Guma o ne a tlhalosa fa bothata fela e tlaa nna gore dikgomo tse ga di na go rekisiwa kwa matlhabelong a Botswana Meat Commission (BMC) ka bareki ba nama kwa mmarakeng wa mafatshe a Europa ba ka seke ba e reke. A re ba thusiwa thata ke bajanala ba ba fetelang kwa mafelong a tshwanang le boMababe le Khwai ka ba ralala motse wa bone, mme ba phamole dilwana di le mmalwa mo marekisetsong a bone. Se ke sone se dirileng gore Rre Thatayaone Motlokwa, monana yo o tlholegang kwa Thamaga a se ka a ipona tsapa, a tsee tshwetso ya gore a ipulele kgwebo ya go rekisa di-tswa matlalong. Maano a botshelo ga a site Mokhanselara wa Letlhakeng bokone, Mme Stella Segwagwa, o ne a leboga tiro e ntle e lekgotla la baruti le e dirileng. Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Vukwi, Rre Zulu Mutshula o ne a akgola badiredi bao mo maitekong ao a ba a dirileng, a re boora Balo jaanong ba tlaa tshela botshelo jo bo botoka. Rre Majaga o boletse go re go mo tlhopha gape, go tlaa mothusa go tsweledisa fa a emeng teng O ne a gatelela botlhokwa jwa go dirisana sentle gore morafe gore o seka wa akanya gore ga ba na kemedi kwa khanseleng. E re go ntse jalo, Kgosi Sekgwa o supile matshwenyego mo tirisong ya nnotagi ke banni. Mopalamente Kablay o supile fa ba lapisitswe ke bana ba ba tsenang dikole ba bo ba felela ba bereka Ipelegeng. A re moremogolo go betlwa wa taola, wa motho o a ipetla, ka jalo a rotloetsa bana go nna le boitshwaro jo bo lolameng jo bo eletsegang mo setshabeng. Mo go tse dingwe, mogakolodi wa tsa kgwebo go tswa kwa lekalaneng la Local Enterprise Authority (LEA), Rre Joseph Mojewa o supile fa maikaelelo magolo a bone e le go thusa bagwebi ka tsa bogakolodi le dithutuntso ka ditsamaiso tsa dikgwebo. A tswelela ka gore ntle le dithuso tsa diaparo le melora, ba tla a bo ba thusa bomme bao gape ka dikgakololo le go ba sidila maikutlo. A re nako e tsile ya gore Batswana ba dire dipatlisiso ka ngwao ya bone, e seng go tlolela mo dingwaong tse ba sa di itseng. Fa a itebaganya le bana, a re ba tshamekele kgakala le bojalwa le diritibatsi ka di na le ditlamorago tse di botlhoko tse di ka ba senyetsang bokamoso. Tsibogelang selo se ka se ka gola le ngwana a felela a dira mo go golo jaaka go thuba marekisetso, Mme Kokoro a tlhalosa. A re bontsi jwa banana ba rata go rerisana pele gore a reyeng go dira kgwebo e, go se ope yo o ikakanyetsang, mme motse o felele o tletse ka kgwebo ya mofuta o le mongwe le ntswa go na le letlhoko le lengwe. Mo go la gagwe, Rre Totego Mokomoto o ne a re gangwe le gape BMC e tla kwa go bone e re e ipaakantse, go tswa foo ga ba boele kwa go bone fa go sa kgonagala, a re ke sone se se dirang gore ba seka ba isa dikgomo kwa go bone. A re o batla go godisetsa bana ba gagwe mo ngwaong ya Setswana. Mme Toto a re lerato la dithunya le dirilwe ke gore le kwa lwapeng ba lema dithunya le ditlhare ka go farologana ga tsone mme se sa tsisa kgatlhego e ntsi mo go ene selo se se neng sa tsisa mogopolo wa go bula kgwebo e. Mookamedi wa lenaneo la dituelo tsa bagodi mme Papadi Nkuvauva, a re maiteko a tsweletse le ba diposo go tokafatsa tsamaiso e e amang dituelo tsa bagodi.O bile a tlhalosa fa gape ba tsweletse go betla tsela ya ka fa thulaganyo e ntsha ya go neela bana-le-bogole dikatso e tla a dirwang ka teng morago ga tshekatsheko. A re ka jalo dikgosi di lebanwe ke go go lwantsha dikgwetlho di tshwana le go kgatlhegela dingwao tsa mafatshe a mangwe, selo se a rileng se borai ka Batswana ba ka felela ba latlhile ngwao ya bone. Fa a tlatsa mo mafokong a ga Rre Kgosietsile, mokhanselara wa kgaolwana ya Marang-Tsholofelo Botlhaba, Rre Meshack Kebeileng a re le ene o ngongoregela seemo se se sa iketlang sa dipone tsa mekgwatlha. Le fa go ntse jalo ba supile gape fa ba itumelela gore ba lekgotlana la kabo ditsha la Letlhakeng ba dira tiro ka bonatla, ba supa fa ba simolotse go kwadisa ditsha morago mme go setse go na le maduo. O ne a ba gwetlha go dirisa bokgoni jwa bone mo tirong go dira motlhala o banni ba tlaa salang ba ba gopola ka one. O supile fa a ne a bereka mo komponeng nngwe ya insurance, lobaka lwa dingwaga tse pedi. Dr Tombale o supile gore fa BMC e reka dikgomo e netefatsa gore ba sepodisi ba a ba bo ba le teng dinako tsotlhe go rurifatsa theko le mekwalo /bosupi jotlhe jo bo tlhokegang. O buile se mo Potsolotsong le BOPA ka Tshipi kwa Molepolole, morago ga go lemoga fa e rile ka Matlhatso morafe o ne o gololesegile ka metsamao ya gale go tsena mo marekisetsong, fa bagwebi ba ba botlana ba ne ba le mo tsamaisong ya gale ya go gweba, ba itlhokomolositse tlhagiso ya kiletso mesepele ya Labotlhano. A re seo fela ka bo sone ke ditshegofatso. O ne a rotloetsa Partners Maintenance go tswelela ka mowa o ba nang nao gore ba kgone go thusa ba bangwe. Mothusa mokwaledi o ne gape a re molelo wa kgolagano o golaganya Batswana botlhe ka e bile o tsamaya motse le motsana. Ka dijo e le sengwe sa dilo tse di turang thata mo tlhokomelong ya bana, Rre Molale a re ke ka moo ofisi ya ga Tautona e neng ya bona go tlhokafala gore e thuse ba Childline ka go ba lemela merogo go leka go ba fokoletsa ditshenyegelo. E rile ka Mosupologo, lekoko leo la etela badiri ba matlhabelo a dikgomo a Serowe, kwa ba fitlhetseng badiri ba eme sentle go thibela mogare wa corona. Se senyeng nako ka go kgalana - Reatile Le fa go ntse jalo, Batawana ba ne ba supa fa ba le ’bete se molangwana ka tsamaiso e e dirilweng ke ofisi ya ga molaodi ba re o ka bo a rulagantse pele le ba bogosi go na le go tshwara puisanyo le badirelapuso pele ba bua ka loeto loo. Dinkgwana di tshetsa Botsheleng Rre Dithapo o tlhomiwa jaana morago ga loso la mothusa kgosi kgolo, Kgosi Pitsoyabosigo Moremi. Fa a mo tlatsa Mme Keeme Sesoma yo ene a itshetsang ka go apaya a tlhalosa fa a kgonne go ikagela ntlo. O ne a kopa morafe go ba thusa ka megopolo e e ka rotloetsang borre go nna ba etela dikokelo go ikopela dithuso tsa bongaka go na le go tshabela kgakala. O boletse fa boeteledipele jwa toropo ya Selebi Phikwe bo ne jwa supa kemo nokeng ya maikaelelo a mokgatlho wa bone ka go nna teng kwa moletlong oo. O kopile setshaba go tswelela ba reka mmino wa gagwe ka a tlhalosa fa o ka dira pharologanyo. Fa a ntsha la gagwe, modulasetilo wa komiti ya kgaolwana ya Dilolwe, Mme Agnes Tumediso a re bangwe mo setshabeng ba leba tiro ya VDC ka lonyatso ka ba dumela fa maloko e le batho ba ba sa itewang seatla mo go kalo. Mogolwane wa Culture Spears, Rre Kabelo Mogwe a re ntlwana e ya borutelo e gaufi le pelo ya gagwe,mme a kopa gore e tlhokomelwe. Thulaganyo e tsamaya sentle E ne ya re go utlwa ka lenaneo la kadimo ya madi la go aga matlo la Turnkey, bangwe banni ba motse wa Goshwe mo kgaolong potlana ya Tutume ba ne ba seka ba ipona tsapa go ithusa ka lenaneo. A re bangwe ba felela ba ikhutsa ka fa tlase ga ditlhare ba sa dire tiro e ba tshwanetseng go e dira mme ditiro tsa ditlhabololo di felele di salela kwa morago. O gakolotse gape gore fa go kgonega batho ba emise go tsamaya bosigo le gone go tsamaya le batho ba ba sa ba itseng. Rre Mosweu a re ba setse ba simolodisitse lenaneo la Ipelegeng ka palo ya batho ba le masome mane, a tlatsa ka go re lenaneo la matlakala le lone le tsweletse. Lephata la la babereki le tlaa tlhoka P13 652 770, la boranyane jwa dikago P12 167 740 fa la botsogo jwa setshaba le tlaa tlhoka P4 771 990. Ba re fa gona le mongwe yo o setseng a le mo lenanenong la puso jaaka la masiela kana bagodi, ga ba thusiwe le mororo ba kgobokanye golo go le gongwe, dipalo tsa batho di oketsegile. A re puso e dira ka gotlhe go oka babeeletsi mme go botlhokwa go ba amogela ka lorato le boammaruri go sena tshenyetso setshaba. Mogokgo wa sekole seo, Mme Lusati Lesetedi o boletse fa sekole seo se santse se dira botoka thata mo maduong a ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa, mo ba dikileng ba pasitse thata ka matshwao a a neng a gaisa dikole tsotlhe tse di mo kgaolong ya Tutume botlhaba. DR Venson-Moitoi, yo gape e leng tona wa tsa mafatshe a sele, o ne a kopa khansele gore ba ne ba sekaseka dipalo tsa ipelegeng, ka bontsi jwa batho ba ba mo kgaolong ya gagwe dipalo tsa bone di sa balelwe mo go yone ka e le batho ba dikgaolo tse dingwe tsa bopalamente, a tlhalosa gore e re ka dinako tsa temo go okediwe dipalo ka jaanong ba a bo ba le kwa masimo. Kgosi Omphile o ne a supa magosi go tswa kwa dikgotleng tse ditona tse nne tsa Serowe, e leng Basimane, Maaloso, Maaloso-a-Ngwana le Ditimamodimo go bo bo tsile go tla go netefatsa letsatsi, le go nonotsha tlhomamiso ya gore Rre Matho o newa morafe. Batlhophi ba le barataro kwa kgaolong ya botlhophi ya Selebi Phikwe Bophirima ba kgonne go tlhopha morago ga gore go nne le ketsaetsego ya gore ba ka thusa jang. Kago ya matlo ko Goshwe e atlegile O supile fa baithuti ba inaakantse le ditagi tse di farologaneng tse di sa siamelang isago le botsogo jwa bone mme a ba rotloetsa go ikgapha mo go tsotlhe tse di maswe gore ba kgone go dira sentle mo dithutong. A re o akanya gore theko ya lefatshe e ka ba kgontsha go dira temo ya nosetso gore ba kgone go ntsha dijo tse di ka jesang lefatshe leno le go ka direla banana ba kgaolo ditiro. Rre Pelosera Ngande, mong wa tshimo e go neng go direlwa dithuto mo go yone o supile fa a itumetse thata ka a sale a utlwaletse mokgwa o wa go bolaya motlhwa ka balemi ba Seronga. Mo puisanyong bosheng, Mme Dibere o tlhalositse fa go tlhoka thotloetso le mmaraka go baya kgwebo ya gagwe ka fa mosing. Mogolwane wa ofisi ya balemisi mo kgaolong potlana ya Mahalapye, Mme Pelontle Seabe, le ene o ne a tlhalosa gore ba lemogile gore go na le bangwe ba ba phakileng dipeo tsa mabele a a dirang bojalwa. O supile fa mo nakong e e fetileng bangwe banni ba motse wa Khekhenye ba ne ba sa akole mananeo a puso ka ba ne ba sena dikarata tsa Omang mme fela seo jaanong ele kgang ya maloba. Mme Jansen wa Tsabong yo o dingwaga di masome matlhano le boferabobedi o boleletse A re o simolotse ka go reka ditlhare mo mogwebing mongwe kwa Gaborone nako nngwe a etetse teng. O tlhalositse gape fa e tlaa re kgwedi ya Lwetse e le masome a mabedi le botlhano, go nne le merapelo ya boipuso kwa kgotleng kgolo, mme a kopa gore ba tle ba apere mebala ya lefatshe leno. Dr Mokuhwa a re dipilisi tsa diritibatsi di le nosi ga di kake tsa kgona, mme e bile fa e le gore fa motho a tshela ka tsone go tsewa gore ke gone ke gone, thuto e sa ntse e tlhaela fela thata mo Batswaneng. Ba sekole sa Diloro ba bonye maemo a ntlha mo dikoleng tse di lesome le borobabobedi tse di phadisanang le sone, sa bona maemo a ntlha mo kgaolong ya botlhatlhobi jwa dikole, sa bo sa bona maemo a ntlha mo dikoleng tsa kgaolo ya Legare, tsotlhe di kopane ka go tsaya maemo a ntlha a lekwalo la bosupa ka 93.3 mo lekgolong. O tlhalositse fa ba tlaa bo ba etela dikgaolo tse di kwa ntle go isa ditlamelo tsa bana ba dirisa dikokelwana tsa nakwana (mobile clinics). A re letlhoko la koloi go tshwara dinotshi a di fudusetsa kwa a di ruetseng teng le yone ke nngwe ya dikgwetlho tse a nang natso, selo se se bayang kgwebo ya gagwe ka fa mosing. O supile fa UDC e tsere tshwetso ya go lebelela le go fa phathi eo sebaka sa go ipaakanya le go itharabololela mathata pele ga UDC e ka tsenya letsogo. E rile a fa bagwebi ka ene bopaki, Mme Kgalalelo Shoshong yo o itshetsang ka go roka a bua fa a godile a batla go nna moeteledi pele mo tirong mme toro ya gagwe ya fetoga boammaaruri. A re mo Botswana batho ba le dikete tse di makgolo a mararo le boferabobedi ba tshela ka mogare ebile ba le mo diritibatsing. E rile a buisa phuthego ya kgotla bosheng, Kgosi Ramokobetwane a bolela fa dikgang tsa tlhalo tse ba di amogetseng di ba tshwenya thata ele ba bogosi gonne motho o kgona go nyalwa kgwedi mme ere e esi e e fifing a bo a tlhalwa. Mo go tse dingwe, Dr Venson- Moitoi o ne a itsese banni fa go tlaa sekasekwa molao wa bojalwa. Mosadi o ketekilwe Kwa motsubong wa tiro go ne go leba yo o sebete fa matlhogoputswa a ne a bina dipina tsa setso tsa setapa, borankana le dikgafela. O ne a tlhalosa gape fa dikatso tseo di ka okela batho ba dikitso tse di rileng mo dikomiting tseo, selo se a boletseng fa se ka tlotlomatsa boleng jwa dikomiti le go di thusa go dira tiro ka bokgabane jo bo fetang jwa nako eno. A re o lebogela gore ka go ya leobo la kgotla e ne ya rotloediwa thata kebanni ba motse ka ba ne ba e tsaya ka mashetla ebile ba na le tumelo e etletseng ya gore ke ya bone. Rre Makgalemele o boletse fa mmuso o ikaeletse go dirisa lenaneo la ESP go tlhabolola seemo sa ditsela, go tokafatsa seemo sa thuto, go lwantsha letlhoko la ditiro le go atolosa dikokelwana gore di kgone go nna le matlwana a pelegiso. O rile ba kgokgontshiwa go menagane ka e a re tona mongwe a ba lekola, ba lephata la ditsela e bo e le gone ba gopang tsela mme mo nakong eno ga go a dirwa le fa ele sepe. Mapodise a leboga
 banni Emelang thuto ya bana ka dinao-Mangole A re o dumela ntle le pelaelo epe gore fa banana ba ka ikanya temo ba ka fedisa letlhoko la ditiro le le ba apereng mme ba kgona go ipulela dikgwebo ka jaana puso e tsweletse ka go tokafatsa mohama wa temo-thuo mo lefatsheng leno. A re Tirelo Setshaba ya gompieno e pharologano ka gore ga e patiki ope, e bile bana ga ba sa tlhole ba kgaoganngwa le batsadi le masika a bone. Fa a tswelela a ba ema ka lefoko, a re fa ba ntsha ba seka ba kgatlha motho mme ba kgatlhe Modimo. Rre Tsogwane o gakolotse setshaba go tsweledisa mekgwa e e neng e thusa gore ba tshele ka tshwaragano, lorato le go thusa ba ba tlhokang. Mo godimo ga mo a re puso e ile ya tlhoma lekalana mo sepodising go itebaganya le bogodu ja leruo gore ba sireletse itsholelo ya Batswana. Kgosi Segale o ne a lemotsha Tautona Khama fa batshwara madi mo dikgaolong ba sokola ka lebaka la dikoloi mme jalo bangwe ba bone ba felela ba pagama dikoloi tse e seng tsa puso mme seo se borai ka dilalome di ka ba a phamolela e bile gape e se yone tsamaiso. O ne a supa ketsaetsego ka go agwa ga kokelo ya Lerala le go godisiwa ga e e teng ka lenaneo la ESP, a re ga a tlhaloganye gore a mafoko a ga Tautona a kgotla a kago ya sepatela a emisa go godisiwa ga kokelo ya Lerala, mme a lebogela gore Lerala o ya go nna kgaolo-potlana e le go atumetsa ditirelo kwa bathong. O ba rotloeditse go tshepha le go dira ka thata mo dithutong tsa bone ka ke tsone di ka tsogang di ba betlela ditiro morago ga ba di fetsa, ebile di ka thusa thata gore ba itirele dikompone mme ba thape bangwe ka bone. Mogolwane mo lephateng la matlhoko a leruo kwa Letlhakane, Rre Phepafalo Lenkobe o tlhomamisitse tiragalo e mo go yone dihutshane di ganyaotsweng ke legadima. Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana Rre Pako Ramaselwana o ne a lebogela dimpho tse Rre Thamane a di abetseng sekole, le go bo lekalana la gagwe e ikabetse sekole seo. O tsweletse a bolela gore lerato le botlhokwa, a rotloetsa gore go ratwe go bo go tlhokomelwe ba ba tlhokileng lesego jaaka ba-na-le-bogole, a tlatsa ka gore dikereke di nna di le kwa pele. Mo go tse dingwe, Supt Jorowe o kopile setshaba go ba batlisa manweenwee mangwe a go bolelwang a thukuthile lebentlele lengwe bosigo jwa Mosupologo kwa Lehututu. A re phimolo keledi ya balemi-barui ba ba neng ba senyediwa ke diphologolo tsa naga e tsweletse mme go setse go duetswe P109 640, a duelelwa ditshenyo di le masome matlhano. O tlhalositse fa a tswa kgakala a rata go apaya borotho e bile a kile a bereka mo lebentleleng la Spar, mo kapeing ya borotho. Kgang e, ke nngwe ya tse tlhano tse mo go tsone Zulu a lebisitsweng molato wa go utswela Mme Bame Motswari dipodi, dikoko le dithoto di akaretsa dikupu le digarawe kwa masimong a Mmatema-tema kwa Kweneng Phalane a tlhola ga bedi. Ba re se se utlwisang botlhoko ke gore tshenyo e ke selo modiro ngwaga le ngwaga mme ga ba nke ba atswiwa ka sepe. Fa a a fa malebo, mokhanselara wa Bokaa, Rre Ellias Nthokgo o ne a tlhalosa fa le bone dikotsi tse di diragalang mo kgaolong segolo thata fa diponeng tse di laolang mosepele tsa Bokaa di ba tshwentse fela thata e le makhanselara. A re se, se dira gore batho ba ye kwa posong, kwa ba tlaa bonang dithuso tsotlhe teng. O kopile morafe wa Maboane go tswelela ba tshwara letsatsi la ngwao gore le gole jaaka kwa merafeng e mengwe. E rile a bua mo potsolotsong, mokwaledi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme Lesego Ndebele a tlhalosa fa go nwa phetelela moo go dira gore bana ba seka ba laolesega. Ba ne bakopa gore mo kabong ya madi ya ngwaga ono ba rekelwe dikoloi tse di pegang balwetse le di dirisiwa tsa itshireletso. Mo go tse dingwe banni ba re ba tshwenngwa ke leobo la kgotla ya bone le le tserweng ke phefo ngwaga o fetileng o fela mme ga ba bone thuso epe. O tlhaloseditse baithuti ba sekolo sa ithutelo tiro ya diatla sa Kweneng Bophirima Bridgade kwa Takatokwane mo phuthegong e ba neng ba e biditse go tla go amogana le bone ka ditirelo tsa lephata la boipelego, fa thuto ya diatla e le mmangmang ka e le bogadi bo gaufi go betla mebereko. A re lerato la gagwe mo thuong le tlhotlheleditswe ke sebaka se a se tsereng a direla kwa ofising ya matlhoko a leruo ka lenaneo la Tirelo Sechaba. Le fa go ntse jalo Mme Molamu o supile fa kgwebo ya gagwe le tse dingwe tse dipotlana di babalelwa ke go reka didirisiwa tsa go roka di tshwana le matsela kgakala jaaka kwa Gaborone le Molepolole. A re bogogi jwa sekole bo ne jwa dira maiteko a go ya go ba batla mme ba fitlhela ba apeile kgwathe oo kwa morakeng wa mongwe ka beng ba moraka oo ba ne ba seyo. A re se ba se lemogileng ke gore gantsi borre ba gatisiwa legala ka go gogelwa fa pele ga molao gore ba tlhokomelele bana kwa ga mmakaseterata le ntswa ba ne ba ntse ba tlhokomela bana sentle. Ba rotloediwa go dirisa lekalana la CEDA le LEA O kopile banana go tsaya karolo mo komiting e le go rola bagolo morwalo ka ba setse ba lapile. A re bomme ba tshwanetse gore ba seka ba ineela motlhofo fa ba kopana le mathata mo malapeng a bone mme ba ikanye thapelo ka nako tsotlhe. Banni ba ne ba ipelela boipuso ka go bala molaetsa wa ga Tautona mme morago ga moo mmino wa dikhwaere ka go farologana, maboko le mmino wa Setswana tsa nna matsorotsoro mme melaetsa ya tsone e remeletse mo go bueng ka boipuso jwa masome a matlhano le kwa lefatshe leno le tswang teng le kwa le yang teng. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Takatokwane bosheng, mogolwane wa ofisi ya tsa kgodiso le tlhabololo ya leruo go tswa Letlhakeng, Rre Bakang Keinyatse, a re puso e sa tswa go simolodisa lenaneo leo mo dikgaolong tsa Kgalagadi, Ghanzi le bontlha bongwe jwa kgaolo ya Ngwaketsi go akarediwa Kweneng. Kgosi o tlhalositse fa kgotla ya gagwe e agilwe mo lotshitshing lwa noka ya Thakamalane, ka jalo metsi otlhe a pula a a elelang a tswa bophirima jwa motse a ralala kgotla ya gagwe go kgokologela mo nokeng. A re e re ka mmuso o ikaelela go dirisa bontlha bongwe jwa madi a a beilweng kwa mafatsheng a sele go lwantsha letlhoko la ditiro, go tsosolosa itsholelo le go rotloetsa Batswana go simolola dikgwebo tse di ka tswakanyang itsholelo, o ka itumela fa banana ba ka ipaakanyetsa go ikopela ditiro di tshwana le go shafatsa dikago tsa mmuso jaaka matlwana a borutelo, matlo a boroko jwa barutabana le go dira ditiro tse di neng tsa salela morago ntateng ya tlhaelo ya madi e e bakilweng ke kwelotlase ya itsholelo ya mafatshe. A re ke selo modiro gore bo Tautona ba lefatshe leno fa ba setse ba digetse lobaka lwa bone ba a laela, mme Batswana ba ba direle dimpho tse di ba lebanyeng. Kgosi Kgakanyane o kopile setshaba go tsenelela mananeo a twantsho borukutlhi le go a tsaya ka tlhoafalo ga mmogo le mananeo a bontebele ke go lebele ka go supegile fa a ka kgona go lwantsha borukutlhi. Rre Tekane o tsweletse a bolela fa tiro ya go ruta bana e le bokete ka jalo e batla tshwaragano ya batsadi le barutabana le setshaba ka kakaretso, a re o itemogetse tirisano mmogo le tshwaragano ya batsadi le barutabana ba sekole seo. O tsweletse a tlhalosa gore madi a P100 000 a tla dirisiwa go agelelwa tshingwana, go gokela le go dira moalo wa phatlalatso ya metsi. Maikaelelo a loeto e ne e le go utlwa matshwenyego a babereki, go bona seemo se ba berekelang mo go sone le go thusana gore go ka baakangwa fa kae. A re ditlhwatlhwa tsa nama e e rekisiwang kwa mafetseng a a kwa ntle, segolo jang a Yuropa (EU) di kwa godimo fa di tshwantshanngwa le tsa nama e e rekisiwang fela mo Botswana. O kopile batlhokomedi ba ba-na-le bogole gore ba seka ba tlhajwa ke ditlhong ba ba ntshetse mo pontsheng le go ba fa sebaka sa go ithuta. Kgosi Petelelo o ikuetse mo banning go dirisa mpho ya bone sentle ka kelotlhoko ka e le tshegofatso ya Modimo go bo ba agetswe matlwana ao ntleng ga tuelo epe. A re go aga leobo le le nang le diofisi ke keletso ya morafe ya go fetola motse wa Mmadinare go nna kgaolo-potlana ya khansele gore banni ba motse ba tle ba kgone go bona ditirelo tsa khansela gaufi go na le go di latela kwa Bobonong. Sebui sa tlotla, Mme Pauline Sephiri, yoo eleng kgosana ya kgotlana ya Mothupi kwa Tsabong, ene o boletse fa segopotso se simologile ka ngwaga wa 1983. A re kanamiso ya diritibatsi tsa mogare wa HIV le yone e a nametsa ka dikokelwana tsotlhe mo toropong di fa kalafi eo Mosupologo go ema Labotlhano. A re setshaba se santse se le maoto a tshupa go dirisa dithuso tsa bone le fa go ntse jalo a supa fa ngwaga ono go tokafetse. Moruti Motlhasedi o rotloeditse batsadi gore ba nne dikao mo baneng ba bone ka boitshwaro bo ka ba sireletsa mo go tsa tlhakanelo dikobo ba sa itshereletsa. Rre Guma a re tsholofelo ke gore go tle go ntshiwe ditone tse di ka tshwarang dikete di le makgolo a le lesome le bobedi (120 000) ka ngwaga. Tautona Mokgweetsi Masisi o lekodisitse Batswana ba ba nnang kwa eSwatini fa puso e ikaelela go dira diphetogo dingwe ka bofefo tse di tlaa dirang gore itsholelo e tokafale. A re mo bogompienong motsana wa Qabo o na le sekolo se se botlana, le kokelwana, a supa fa ditirelo le mananeo a puso di goroga sentle kwa banning ba Qabo. Motsadi wa go nna jalo o ka atlholwa dingwaga tse tharo go ya kwa go tse di supang mo kgolegelong fa a itlhokomolosa dikgang tse mme a di bona, Rre Molebatsi a tlhalosa. Ba lephata la boipelego mo khanseleng le bone fela jalo ba ne ba itumelela tiro e, ba felela ba mo isa kwa dithutong tsa go bopa dibeke tse pedi kwa Makopong. A re o thusitswe ka P90 000. Amogelang diphetogo - Seretse Kgosi Diteko Salepito o boletse fa a tshwenyegile ka bontsi jwa dikgang tsa bogodu jwa leruo tse di begwang kwa kgotleng ya gagwe. O ne a supa matshwenyego ka bangwe batho ba ba senyang terata e e ageletseng lefelo leo le go tsoma diphologolo tse di sireleditsweng mo teng. Rre Mokaila o akgotse boeteledipele jwa kereke ya Galalea le maloko a yone, gore ba diragatsa lengwe la matshego a Tebelelo pele ya 2016, ya setshaba se se kutlwelo botlhoko e bile se kgathala ka matshelo a ba bangwe. O boletse fa tirisano mmogo ya bomme ba e dirile gore kompone ya gagwe e bo e le fa eleng teng ebile e itsega kwa mafatsheng aa tsididi. Rre Samson o ba kopile go tlhapa diatla ka metsi a a phepa le molora le di bolaya mogare, go thiba molomo le nko ka khuti ya sejabana fa motho a gotlhola kana a ethimola, go ikgapha mo go botlhe ba ba nang le dikai tsa mhikela le fa go leng mosuke teng. Rre Ramaabya a re o tshwenngwa ke dikgang tsa bogodu jwa leruo tse di tshololwang morago ga go tlhotlhomisa, se a reng ke go senya ditsompelo tsa mmuso. Mokhanselara wa Ditshegwane/Maboane, Rre Tsabahule Kgothang o ne a kopa gore go dirwe thulaganyo ya go neela motsana wa Masope tshwanelo ya go amogela ditirelo ka fa tlase ga motse wa Maboane. Otsile Gaboinewe o ne a tlhalosa fa e le ruri tirisanya ya batsadi e le teng ebile e itumedisa ka jalo se se tlhofofatsa tiro ya bone e le mapodisi. A re o ne a le teng go neela bana tse ba di tlhokang le go ba rotloetsa, fa tiro yone e ne e dirwa ke bana ka go ithuta ka ditlhophana, kwa malapeng le mo sekoleng. Molaodi o ne a re ba ne ba tlhomamisa bogakolodi pele ba ka diragatsa molao. Ba Otse ba kgothadiwa go nyalana kafa molaong O tlhalositse mo potsolotsong le ba lekalana la dikgang a re, go supagala fa magodu a ba dira jaana ba itse fa go sena yo o ka ba bonang ka dijarata tse di le kgakala le batho. Le fa go ntse jalo o kopile batsadi go tsenya letsogo mo thutong ya bana ba bone a supa fa thuto e le boswa. A re ka madi a temo o kgonne go phunya sediba, maikaelelo e le gore mo isagong a tswakanye temo ya gagwe ya komelelo ka temo ya nosetso. Rre Gaoforwe a re gantsi bagwebi ba kgobiwa marapo ke ditselana tse ba tshwanetseng go di sala morago fa ba kopa madi go tshwana le ya go tsisa sesupo sa ka fa o tlaa tsamaisang kgwebo ka teng. Are o kgonne go godisa bana ba gagwe botlhe ka madi a a neng a a dira mo thekisong ya merogo ka jalo gagona ope ngwana wa gagwe yo o thusitsweng ke goromente ere lentswa a ne a le motlhoki ka a ne a itlhophela go ikapola lehuma ka go ikemela ka dinao. O tsweletse a re go botlhokwa thata go ruta bana ka tsa maranyane ba sa ntse ba le kwa tlase ka go ka ba bula ditlhaloganyo. E rile a afa malebo, mokhanselara wa Nata Bophirima, Rre Mbanga Mbanga a leboga Tautona go bo a ne a tla ka moono oo wa Makgadikgadi Epic. Mokhanselara wa Maitengwe Bokone, Rre Milidzani Chose o boletse mo potsolotsong gore bone e le makhanselara a Domkrag ba ne ba mo tlhopile go ka ba ba etelela pele mo dingwageng tse tlhano mme o ba swabisitse. Mme Lefifi a re ka jaana banana ba kopana le dikgwetlho tse di farologanyeng mo botshelong, go botlhokwa gore ka dinako tsotlhe ba tsibogele go kopa bogakolodi le tshidilo maikutlo mo go ba boipelego, dikereke le batsadi go na le go ikgapela matshelo. Le fa gone go ise go gokelwe motlakase, go na le motlakase o dirisang marang a letsatsi. Jaaka mo nakong eno re phatlaladitse lenaneo la theko ya kgwedi ya Phalane, marekisetso otlhe a re yang kwa go one re patwa ke ba sepodisi le ba matlhoko a leruo mme e bile theko e ka seke e nne teng fa ba seyo, ga tshwaela Dr Tombale. Mme Kenalemang o tlhalositse fa maranyane a siame mathata e le dikhomputara tse di bokoa mo ba faletsang ba tlamega go dira ka diatla. O tsweletse a re ba na le maikaelelo a go laletsa maphata a a farologaneng go ruta badiri ba khansele eo ka dilo tse di farologaneng di akaretsa go ba tlhatlhelela ka tiriso sentle ya madi ga mmogo le go rupa ga borre gareng ga tse dingwe. O ba rotloeditse go thusana, bogolo jang ka nako ya ba tsena mo setswalong, A re se, se tlaa ba tiisa le go ba ruta gore e tsoge e nna bomme ba ba nang le boikarabelo. O bile a re UDC ga e tsee letlhakore ka makgotla a BMD le AP, mme o ne a re ba lebogela gore BMD e bo e amogela dikgakololo tse e di filweng ke UDC le fa gongwe ba sa di rate, mme a re ba phathi ya AP ba santse ba ikaga, ba itshekatsheka, ke gone go ka tsewang ditshwetso. Dr Kedikilwe o ba lebogetse go tseela kwa godimo kagelelo ya masimo a bo a ba lekodisa ka tiriso ya metsi a a dirisitsweng mo temong ya nosetso, a supa gore gongwe mangwe a tla a nowa jaaka go dirwa mo mafatsheng a re bapileng le one. A re go thata mo go ba bangwe gore ba nyalane ka mabaka aa farologaneng a akaretsa go ntsha bogadi le lone letlhoko la one madi a go dira mokete a tlatsa ka gore ka lenaneo la Re a nyalana batho fa ba na le keletso ya go nyalana ba a thusiwa gore ba kgone go diragatsa maitlamo a bone. A re a itsese ngwana ka ga dipelaelo tsa gagwe mme a mo lemotshe gore o tshwenyegile. Rre Ramokwena o rile e re ka tona Siele le Kgosi Kgamane ba sa ikaelele go rarabolola kgang ya bogosi jwa motse wa bone, e le banni ba dikgotla tsa Bokaa le Phaleng ba tsere tshwetso ya go dira dipopelelo go ngongoregela go tlhoka go tsaya ditshwetso tse di maleba ga ga Rre Siele le Kgosi Kgamane mabapi le bogosi jwa bone, jo ba reng bo lebagane Kgosi Sejakgomo Ntsaga boemong jwa ga Kgosi Felix Kgamane. Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena o akgoletse lelwapa la bogosi kwa Hatsalatladi go amogana marapo go sena manganga ape. Seemo se felela se folodisa maiteko a puso a go lwantsha kanamo ya mogare mo setshabeng. Mookamedi wa lekgotla le le itebagantseng le go rotloetsa banana go tsibogela go tlhopha, la Organisation for Youth and Elections in Botswana (OYEBO), Rre Bernard Bogosi, o tlhalositse se fa a bua le manotonyana a banana ba na neng ba tsile pitsong ya lekgotla leo ka Matlhatso mo Ramotswa. A re go dira jalo go tlaa neela ba-na-le bogole sebaka sa go ipetlela isago e e lakaselang. Mookamedi wa kgwebo ya Mother Earth Flourist, Mme Lorato Toto, a re lerato la gagwe mo dithunyeng ke lone le mo gwetlhileng go bula kgwebo ya mofuta o. Banni ba dikgotla tsa Tidimalo, Dilaene, Madiba le Madiba14 tse di bidiwang Tidima ka bokhutshwane mo Mahalapye, ba kokoanya madi go dira ditlhabololo mo dikgotlaneng tsa bone. O tlhalositse fa go le motlhofo go tlhagola mhero le go laola diji fa tshimo e lemilwe ka ditselana go na le fa go gasitswe. Se se ne sa seka sa dira gore a ineele mme a tsaya kgato ya go ikopela madi a go simolodisa kgwebo e gape kwa lephateng la Banana, Metshameko le Ngwao ka lenaneo la Youth Development Fund.(YDF) O ne a seka a atlega ka a ne a se na dipampiri tsotlhe tse di neng di tlhokega. Bangwe ba ne ba ntsha leina la ga Kgosana Senwedi fa ba bangwe ba ne ba re Kgosana Kebuamotse. A re go botlhokwa go ithaopa go thusa sekole ka go arogana le baithuti talente e motho a nang le yone, ka thuso e se ya madi fela. A re ba lekile go kopa thuso mo go boradikompone mme ba itswela fela ka mabaka a a farologanyeng. O kopile botlhe ba ba neng ba salela kwa morago go ititaya ka thupana nako e e tlang ka maiteko a bone e le go dira se se tlaa tokafatsang matshelo a banni ba Selebi Phikwe ka kakaretso, segolo jang ba mhama wa bodiragatsi le dikgwebo. Pina ya setshaba e a tlotlwa - Phiri Mme kwa phelelong a kgona go boloka madi a a kanang ka P25 000, a e leng one a a dirisitseng go bula kgwebo ya gagwe. A re gape o itshetsa ka thuo ya dipidipidi tse a supileng fa di kgatlhegelwa ke banni ba motse, ka gore fa o di ruile ga o tshwenngwe ke digagabi di tshwana le dinoga le diphepheng. O boleletse phuthego e e neng e tsenwe ke maphata a a amegang mo go tsiseng ditlamelo gore ba itse fa ditlamelo di se na go tla ka letsatsi. Tidima o a ipelega O ne gape a rotloetsabanana ba ba setseng ba na le bokgoni jwa go bopa dinkgwana go ipopa mme badire dikoporase ba kgone go intsha mo lehumeng. Se se bakang letshogo mo banning ke gore go bolelwa fa setlhare se, se sa siamela botsogo jwa batho. Mokhanselara Rre Moribame a re khansele eo e dirisa madi sentle e bile e aga matlo a mangwe a tlaleletso a banni ba metse e e kgakala le ditlamelo (RADP) a le marataro, tiro e e supang fa e sa ntse e tsweletse. A re puso e na le ka fa a dirang dilo ka teng, mme le fa go ntse jalo, ba seka ba tlelwa ke boitlhobogo ka tota tsholofelo e sa tlhabise ditlhong; dilelo tsa bone di tla arabiwa motlhamongwe. A re monna yoo, yo a kileng a dira mo sepodising sa Botswana e le lepodisi la nakwana kwa Mahalapye, mme jaanong e ne e le moithuti mo sekoleng sa ithutelo ditiro tsa diatla kwa Francistown, o bolaile mosadi yoo ka go mo tlhaba ka sengwe se se bogale mo molaleng, mme morago a ikgapela botshelo ka go ikaletsa kwa masimong a Kainangwe. Mookamedi wa ofisi ya sepodisi ya Mochudi a re thibelo le twantsho borukuthi ke maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe. Go etsa ba bangwe ga go ntshe maduo O ne a supa fa mo nakong eno ngwawa wa mosetsana a sa sireletsega ka jaana ba dirisiwa botlhaswa ke borre ba batona. A re le diretswe go tsweledisa letso la setho le gone go aga lelwapa la motia. O gwetlhile balemi go oketsa ditema tse ba di lemang kwa masimo a tlatsa ka gore bontsi jwa balemi ba kgaolo ya Bobirwa ba tlwaelesegile thata ka go lema diekere tse di nyennyane. A re bana ba ba setseng ba dule mo sekoleng ntateng ya boimana fa e sale ngwaga ono o simologa ba lesome le bongwe fa go tshwantshanngwa le ngwaga o o fetileng mo nakong eno ka ba ne ba le masome a mabedi le bosupa. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo, Rre Ledule Baraki o ile a kopa matona a lephata la temo thuo, la diphologolo le makgabisa naga le la dikgaolo le tlhabololo matshelo a selegae go ba etela go tla go utlwa matshwenyego a bone. E rile a bua mo phuthegong ya batsadi le barutabana e e neng e tshwaretswe kwa sekoleng seo bosheng, morutabana yo o okametseng mephato e e kwa tlase mo sekoleng seo, Mme Keneilwe Kepaletswe a bolela fa gantsi batsadi ba emela maduo a lekwalo la bosupa e bo e le gone ba ngongoregang. O tlhalositse fa ba lekana la CEDA ba ikiteile sehuba go ema bagwebi ba ba botlana nokeng ka go ba adima madi a a simololang ka makgolo a matlhano a dipula a ba a tlhokang go oketsa dikgwebo tsa bone gore di gole di kgone go phadisanya le tsa lefatshe ka bophara. E rile a tswa la gagwe Kgosi Basadi Seiponi wa Kang a supa fa magosi a goga dinao fa go tsena mo go tsa thuto, a bolela gore fa dikgosi di ne di na le seabe mo dithutong tsa bana, sekole se segolwane sa Matsha se kabo se sa tswa mo taolong. Kgosi Phuthego o buile se fa a amogela morafe kwa kgotleng bosheng. Ka maano a sa site, Mme Matenge o tlhalositse fa gangwe le gape a tsaya ditlhare tsa gagwe go ya go di rekisa kwa mafelong a mangwe jaaka kwa toropong ya Francistown. Tona o ne a supa fa lenaneo le le tla sologela setshaba mosola ka gore tlhaelo ya bodiredi e tla fokotsega mme Batswana ba bone ditrirelo ka nako. O kopile sechaba go nna ba akgola puso fae dirile sentle le go bereka mmogo go sena nyenyafatso le tlhaolele. Rre Motlokwa o tlhalosa gape gore dilwana tsa gagwe o di rekisetsa mekgatlho ya mmino wa Setswana ka go farologana le mongwe le mongwe yo o batlang go reka ditlhako tse di thata. A re go lema ka ditselana ke yone fela tsela ya go lema e balemi ba rotloediwang go e dirisa. Le fa gone go na le dikgwetlho tse dingwe di akaretsa diji le malwetse a ditlhare, Mme Matenge o ikemiseditse go wa a tsoga le kgwebo ya gagwe ka a beile thata mo go yone go kgona go oba letsogo. Le fa go ntse jalo, o kaile fa ba tlhaelelwa ke madi a go dira mananeo a bone, mme a supa fa ba solofetse fa puso e tla ba tswa thuso. O supile gore morago ga tiro e go ne go bewa letlhaku la mosu kgotsa mongana fa go neng go tlhabelwa thobega teng go itsa gore motho kgotsa phologolo gate foo ka phoso. A re fa motho a tla thobong o tshwanetse a baakanyetsa motlha wa go jwala, ka jalo o tshwanetse a bo a na le boikarabelo le tumelo ya gore letsatsi lengwe go tlaa tlhoga. Dikgafela di rotloetsa temo Setopo se kwa setsidifatsing sa kokelo ya Tutume go tlhatlhojwa ke ba bongaka,fa mmelaelwa a santse a tsene ka lenga la seloko. Go na le melao e mengwe gape ya go tlhatswa madi ( O ne a supa gape fa palamente e ne ya dira molao o mongwe wa borukutlhi jwa maranyane ( Molao o wa borukutlhi jwa maranyane gape o sireletsa bana gotlhe le bagolo ba ba dirisiwang botlhaswa ka go tsewa dinepe ba sa apara. A re thito e ne e inwa mo metsing a a bothitho mme morago ga metsotsonyana metsi ao a dirisiwe go tlhapisa motho fa a robegileng teng. Go agelwa matlwana a boitiketso mo malwapeng a le masome a le marataro le bobedi e nnile phetogo e kgolo thata mo morafeng wa kgotla e, ka gore ba filwe tlotla le seriti se ba ntseng ba sena sone. A re puso e ne ya reetsa mme ya dira molao oo mme mapalamente a dumalana palo ya 150. O kgothaditse baeteledipele go tswa ka maano a a ka tswelang morafe mosola. Mogolwane go tswa kwa lephateng la thuto, yo o itebagantseng le tsa boitseanape jwa dikago, Rre Motshidisi Rakwadi o ne a tlhalosa fa a rolela mogokgo wa sekole seo dikago tseo ntswa go na le fale le fale fa go tshwanetseng go baakanngwa ke ba ba neng ba di aga. Kgosi a re Tautona Lt Gen. O kaya fa di okeditse botsipa le bokgoni jwa gagwe mo go tsa botaki jwa pente. Moithuti Game Ishmael le ene o ne a leboga kemo nokeng ya Spirit Embassy, a re go a lebosega go bona batsadi ba na le seabe mo botsogong ga mmogo le thuto ya bone. Batawana ba dumalane ka bongwe fela jwa pelo go dira ba le seopo sengwe ka maikaelelo a go somarela lefatshe la bone le matlotlo a lone. Rre Siabatho o ne gape a kopa khansele ya Kgatleng go ba thusa go baakanya dikago tsa metlobo ya dibuka, a re marulelo a wetse, mo go dirileng gore didirisiwa jaaka di-computera di tsewe ka di ne di sa sireletsega. O ne a supa fa palo ya batho ya 2011 e supa fa ba-na-le bogole mo lefatsheng leno ba le 59 103, mme a tlhalosa fa bo-na-le bogole bo sa itse ope go ka akola mananeo a puso a maikaelelo a one e leng go tlhabolola botshelo jwa Batswana. E ne ya re a ema tshutiso eo nokeng, Mokhanselara Kudzani Tobokwani wa Themashanga a tlhalosa fa nako e gorogile ya gore lefatshe leno le supe fa le lemoga botlhokwa jwa maloko a dikomiti tseo, mme a supa fa go ba fa lemmenyana e le nngwe ya ditsela tse di ka dirisiwang go supa seo. Kgwebo e, le fa e ne e reketla ka ntlha ya letlhoko la madi, o ne a tle a tsenelele dikgaisanyo tsa banana tsa Youth Rally kwa Molepolole a sugile letlalo, le bo le tshwantshiwa diphologolo tsa naga, mme a tseye maemo a ntlha mo dikgaisanyong tseo. O boletse fa morafe o dumalane go aga leobo le le nang le diofisi ka go farologana ga mmogo le ntlo lehalahala go tlaa tshwarelwang ditiro mo go yone. Rre Ottapathu a re maikaelelo a bone ke go tswelela ba thusa ka go hira Batswana le go agela ba ba tlhokileng lesego matlo. Mo sebakeng se, monana yo a re kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle e bile o dira ditlhako tsa boleng jo bo kwa godimo tse di tshwanang le tsa Omega, Grasshopper le tsa manyalo tse ga ntsi a di segelang banyadi le baetsana. Superintendent Maniki a re kwa bofelong batho ba ba rekisetsa dikoloi tsa ba bangwe ka maina a diteseletso tsa bone. O gakolotse banana go tsaya thuto ya bone ka tlhoafalo le go e ikgapha mo dilong tse di ka ba kgoreletsang go ithuta. Mme yoo wa mogwebi yo o dingwaga di 49 o sale a tlhamile kgwebo ya gagwe e potlana ka lobaka lo lo leele. O tlhalositse fa dimpho tsa go nna jalo di ntshitswe ka boithaopo. Modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi o kopile badirelapuso ba ba direlang kwa motseng wa Takatokwane go tsibogela go isa ditirelo gangwe le gape kwa setshabeng go amogana le bone dikitso ka mananeo le ditirelo tse ba ka di fitlhelang mo maphateng a puso. E rile a ama tsa ditlhabololo, Rre Mzwinila a tlhalosa fa Tshokwe a tlaa bona ditlhabololo ka lenaneo le le faphegileng la ditlhabololo tsa dikgaolo tsa botlhophi jaaka kago ya matlo a mararo a ditlhabololo tsa motse, lebone le le bonelang kgakala, fa matlo a mabedi a borutelo a tlaa agwa kwa sekoleng se sebotlana sa Tshokwe. Rre Moreetsi Mogolo o buile se kwa moletlong o o neng o rulaganyeditswe go abela balemi ba masimo a Bobonong borwa dietsele ka Laboraro (Phalane a tlhola ga tlhano). Makhanselara ba kgaolo potlana eo ba supile fa sa kgotsofalele tsamaiso ya khamphani ya metsi bogolo jang mo tsamaisong ya kgokelo ya metsi, dituelo tse di kwa godimo le tsibogo ya go baakanya dipompo tse di thubegileng. A re go le gantsi baithuti ba imisiwa ke banna ba motse e seng baithuti ka bone. A re moikopedi o neelwe dilotlolo tsa ntlo ya gagwe fela fa e sena go wela, e tsentswe sengwe le sengwe kwa ntle ga kgokelo ya motlakase fela. Mopalamente o ne gape a tsibosa banni ka tshwetso e e tserweng ke puso ya go fetola molao wa tsamaiso ditlhopho go lere tsamaiso e ntsha ya go tlhophisa ka mochine wa maranyane (EVM). A re mo diphuthegong tse a ntseng a di tshwara, bagodi ba a lela ka jaana go sena mananeo a a ba lebaneng mme ka jalo ba salela kwa morago mo go itireleng. Fa a tswa la gagwe Kgosi wa motse wa Mmathethe Kgosi Daniel Mathiba a rotloetsa morafe go ititaya ka thupana go isa leruo merakeng a tlhalosa fa le eja metseto ya bana mo metseng mme se le bakele bolwetsi jwa mabele le bo le bona tlhwatlhwa ee kwa tlase kwa matlhabelong. O boletse fa tsamaiso ya bogosi ya go bitsa dikgafela e le botlhokwa ka gore e rotloetsa morafe go ntsha dijo mo masimo, a re tsamaiso ya teng e tsamaelana le tiro ya ephata la gagwe ka gore ba rotloetsa morafe go lema dijo. Mme Kgathola a re go a ama gore e re ntswa mo malatsing a maloba lehuma e ne e se poko, mo bogompienong batho ba tsaya fa go sa ineeng sepe e le sengwe se ba tshwanetseng ba se tlotlomatsa ba bo ba ipelafatse ka sone. A re batsadi ga ba dirise mafoko aa siameng fa ba bua le bone fa a ba tshwantshanya le barutabana. Assistant Superintendent Hulela a re ba ne ba utlwa fa tota maikaelelo a rre yoo e ne e le go bolaya wa mme pele a ka ikgapela botshelo mme ke gone erileng seo se retela a bo a fetsa jwa gagwe a le nosi. A re le ntswa ba botsogo ba dira maiteko a go ntsha dikgakololo tebang le bodiphatsa jwa tlhakanelo dikobo go sena itshireletso bogolo thata fa bobedi bo sa itse seemo sa mogare, go supa fa dikgakololo tse di sa tsewe ka tlhwaafalo ka jaana seemo bifela pele. E ne ya re ka Labotlhano khansele potlana ya Bobirwa ya tshwara phuthego ya go ntsha pego ya kakanyetso ya kgaoganyo madi a ditiro tsa khansele ya ngwaga 2016/2017. A re dipalo tseo di ile kwa tlase mme go santse go tshwenya. Go betla ga go motlhofo jaaka motho a ka akanya mme go tlhokana le go nna kelotlhoko le go nna motho a itlhokotsa kgapetsakgapetsa gore a kgone go betla tse di elediwang ke batho. Superintendent Maphephu a re go lebega fa koloi e pitikologile ka bone fela e le nosi A re e re ntswa ba sa itse sese bakileng kotsi, ditlhotlhomiso di santse di tsweletse fa mmelaelwa ene a le mo diatleng tsa mapodise go leta tsheko. A re ba kgona go tsaya lobaka lwa beke tse tharo ba emetse dituelo ntswa ba weditse tiro ka nako. Bontsi jwa bone ba ne ba ikepela mo goreng, se se dirwa ke gore mapolotiki a ba itse fela ka ngwaga wa ditlhopho, mme go tsweng foo, ba ba phuaganye. Mme Kgotlaetsile a re maikaelelo a gagwe ke go tswelela a duela sekoloto go ya ka ditumalano tsa gagwe le ofisi ya banana, a tlhalosa fa a setse a duetse P25 000. Mongwe wa losika la bana ba ba tlhokafetseng, Rre Moitseemang Seloka, o ne a lebogela Mothusa Tautona go tsaya matsapa a go ba gomotsa. O kopile mopalamente go isa kgang ya tsela ya Modipane kwa palamenteng. Go ya ka kgosi ya motse oo, Kgosi Opelo Disang, matlo a le masome mane le bofera bongwe a agilweng ka mmu, a gosomantswe ke pula eo. O boletse gape fa a e bapatsa mo maranyaneng a Facebook mme o supile gape fa ba atle ba tsenelele mediro ya ICT Pitso le ya go isa maranyane ko bathong. Kgosi o supile fa bomme bangwe ba atisa mogopolo wa go tlogela borre ka morwalo wa bana mme fela ba e ba dira ape maiteko a go thuso borre ka ditlamelo tsa kgodiso ya bana. Bomme ba le lesome le rre a le mongwe ba nkamogela, Mme Samakha a tlhalosa. Mme Jorosi o tlhaloseditse bagodi fa mokgatlho oo o kwadisitswe ka fa molaong ka ngwaga wa 2003. Fa a araba dikopo tse di fetileng mo kerekeng eo, moeteledipele wa kereke ya Keresete Motswedi o ne bolela fa kereke ya Makopong, Khuis le Kolonkwaneng di tlaa agelwa ditempele tse disha le gore Tsabong le Middlepits tsone di tlaa ntshafalediwa matlo a kobamelo monongwaga. Mapodisi a Sejelo kwa Kanye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone monna mongwe a fitlhetsweng ka dipodi tse go belaelwang e le tsa bogodu di le lesome le bosupa kwa Motlhalawakgomo. Mohumagadi wa ga Tautona, Mme Neo Masisi, a re o tshwenngwa ke go oketsega ga dipalo tsa batho ba ba tlhokafalang ka ntata ya HIV le AIDS. Mme Segokgo o tlhalositse gore badiragatsi ka go farologana ba tlaa natefisa letsatsi ka mmino o akaretsa wa Setswana, polka, le wa dinnoto. Fa a lekodisa mopalamente ka ditlhabololo tsa motse, mogolwane wa komiti ya ditlhabololo tsa motse (VDC), Rre Isaac Siabatho a re ba na le mantlo a roba bongwe, mme a le mabedi mo go a robabongwe a sena motlakase. Rre Mogobe o buile mafoko ao kwa peong ya kgosana wa tetlanyo wa kgotla yoora Mongala mo Kanye Kgosi Tshegofatso Mere bosheng. A re se, se rotloediwa ke gobo go le gantsi mekgwatha ya go nna jalo e le bofefo go na le ditsela tse di bulegileng. Kgosi Kaisara Phuthego wa Maboane, a re ba tshwara letsatsi la ngwao go ipatla ba bo ba ikgakolola gore ke bomang, ba tswa kae le gore ba dira eng. Banana ba metse ya Takatokwane le Dutlwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba gakolotswe go ikgolaganya le lekgotla la boithaopo la Springboard Humanism kwa Molepolole go ya go tsaya botsipa ka methale ya itshetso le gone go ithuta ditiro tsa diatla gore ba itshimololele dikgwebo ba tle ba kgone go fetola matshelo a bone. Rre Daniel o tlhalositse fa ba kopetse baagi bangwe boroko jwa nakwana kwa sekolong se se botlana sa motse oo. Tshireletso o akgola Sabata Rre William o tlhalositse fa morafe o setse o simolotse go latlhela seabe sa one mo letloleng la tiro eo mme le fa go le jalo a gwetlha ba ba saletseng kwa morago go ikitaya ka thupana go tsenya letsogo ka tsela epe fela e ba ka e kgonang. O tsweletse a re tse tsotlhe ke ditiro tsa Modimo, mme e bile go supa fela sentle gore pholo e teng. Are bone sale ba sala mo masimo fa paka ya temo ee fitileng e fela mme a inaakanya le go lwantsha sera se go tweng tlolela mme nakokgolo ke eno ba santse ba tshwere. A batho ba tlhoafalele lenaneo le ba itsose, a tshwaela. Dikgakololo di tshwanetse tsa dirwa pele ga lenyalo, le tsweletse le gone morago ga lone batho ba tshwanetse ba kopa dikgakololo, ga tlhalosa molaodi. O ne a kopa banana gore ba tswe mo nnotaging mme ba nne sekao mo lefatsheng go gatela pele. A re molao o o gagamaditswe fela thata, mo eleng gore fa go lemosega gore motho o gweba ka diritibatsi, dithoto tsotlhe tse a di ikgobanyeditseng di a tsewa. O ne a supa fa gape ofisi eo e tsaya nako e telele go duela batho ba ba rekisetsang puso diruiwa tse di neelwang ba ba ka fa tlase ga lenaneo la LIMID. Ngwao bogologolo e ne e kgapha bana go ya ko diphatseng, go a ila, o ne a le teng, go ne go tshegeditswe molao go tswa mo batsading ba rona’’, ga bua Majagoba. Kweneng o saletse kwa morago O supile fa malwetse a, ga mmogo le dikotsi tsa tsela di tsweletse ka go gapa matshelo a Batswana. Rre Mangole a re se se supa fa gona le tiro e ntsi e batsadi le barutabana ba tshwanetseng go e dira go tokafatsa maduo a bana. Mme Makgato a re Rre Majaga ke morongwa wa tlhwatlhwa yo o ka emelang dikeletso tsa bone ka a na le bokgoni gape a tlhaloganya kgaolo botoka ka o tswa kgakala le yone. O tsweletse a re gape ba ikaelela go tlhabolola thuo ya dikoko tsa Setswana gore e kgone go dira dipoelo. Ba Lecheng ba leboga puso Ipelegeng ga se ya batswakwa A re botshe jo jwa dinotshi bo ka dirisiwa go alafa malwetsi a tshwana le jwa pelo, diphilo, sehuba le mathata a go tlhoka pelegi. Le fa go ntse jalo fa a tsibogela matshwenyego a banni, modulasetilo wa lephata la kabo ditsha o tlhalositse gore lefatshe ga le gole. A re setlhopha sa Phalana tsa Lekgarapa, se tlhamilwe ka ngwaga wa 2014 maikaelelo e le go lwantsha dikgwetlho tse di akaretsang botlhoka tsebe jwa banana. O ne a tswelela ka gore ba lephata la botsogo ba ne ba bona go le maleba go seegela dikgwedi tse pedi fa thoko e leng Motsheganong le Ngwanatsele go direla gore bana ba ba tlodilweng ke mekento ba kgone go kentiwa mo go tsone dikgwedi tse. O ne a ikemisetsa gore ga a kitla a bolawa ke tlala. Mo go tse dingwe o ne a rotloetsa bomme go dirisa mananeo a puso e a intshitseng go tlhabolola matshelo a bone go ba ntsha mo manokonokong a lehuma go tshela matshelo a a eletsegang. A re ba le bantsi ba tshwanetse go tsaya malebela mo go se se dirilweng ke khamphani eo, segolo jang ka e le ya banana. Letsatsi la ngwao la Barolong le ne le akaretsa mmino o o tumileng mo Borolong le merafe yotlhe ya Barolong go tswa khutlong tse nne tsa Borolong. Rre Odigetswe a re ba tshwanetse go bona gore kwa ba go tswang go ntse jang le gore ba ka go tokafatsa jang gore ba tswe mo letlhokong le ba leng mo go lone mme a supa gore se, se ka diragala fela fa e le gore go na le popagano ya bagolo le bana ba sekole. Nawa o tlhalosa thulaganyo ya thobega Rre Mfa o boletse gore ke leloko la motia la Domkrag ka jalo o ka seke a kgaoganngwe le phathi e a tswang kgakala le yone, a supa fa se se buiwang ele ditlontlokwane tse di batlang go thuba phathi fela. Leloko la mokgatlho oo, Mme Kagiso Sedie o boletse mo potsolotsong gore e rile go lemoga fa sepatela se, se sena disupa ditshwantsho tse di lekaneng, bogolo jang mo mantwaneng a go robadiwang balwetse ba ba tsayang lebaka le le telele, ba ne ba bona go tshwanela gore ba dire pharologanyo. O kaile fa se e le tsela nngwe ya go boloka. Erile a araba, maphata ka bongwe ka bongwe a supa fa a semeletse go thusa banni ba metse e ba direlang mo go yone ka gotlhe mo ba nang le gone, ka kgang ya metsi go ne ga tlholosiwa fa didiba di senyegle, mme go thapilwe kompone e e tlaa di baakanyang gore ba bone metsi, fa mo nakong eno ba nosiwa ka koloi. Mme Moffat a re go botlhokwa gore bagolo le bone ba se salele kwa morago, a re le ntswa ba ka se tshware gotlhe,go molemo gore le bone ba nne le lesedi tebang le go bala le go kwala. Komiti ya ditlhabololo tsa Shoshong e tsweletse ka thulaganyo ya go tsosolosa tshingwana ya merogo ya Eden. O buile jalo kwa pulong semmuso ya ntlo e e agilweng Setswana kwa sekoleng se se botlana sa Diabo mo Kgaolong ya Borwa. E rile bosheng Mme Kebadiretse Belemo yo o itsegeng ka leina la Masa a emisa barati ba mmino wa sedumedi ka dinao kwa holong ya Makhubu jaaka a ne a simolodisa kgatiso ya gagwe ya dipina semmuso. Mapodisi a tshegeditse monna mabapi le molato wa titeo O tlhalositse fa go se gantsi borre ba ka bega dikgang tsa kgokgontsho le ntswa le bone ba amega kana e ba diragalela. Mo go yone kgaisano eo, lekalana la dipagamo tsa puso la CTO kwa Tsabong, le ne la tsaya maemo a ntlha ka go pega setlhopha sa khansele ya Kgalagadi dinno tse tharo go e le nngwe. Rre Sefane Phuthego, yo e leng monni wa Serowe, o ne a tswa sekole seo thuso ka go se abela dibuka di le P5 000. Mo diphuthegong tseo banni ba Shakwe le Makwate ba ne ba itumelela ditiro tse di dirilweng ka lenaneo la Ipelegeng jaaka diterata tse di kgaoganyang masimo le mahudiso, kagelelo ya mabitla le diofisi tsa kgotla le go ntshiwa ga ditlhare mo ditseleng. O ba kopile gore ba seka ba hudusa leruo go le isa go sele ka seo se ka phatlalatsa kgofa eo, e e borai thata e bile e anama ka lebelo. A re ba tshwentswe ke dipalo tse dipotlana tsa batho ba ba itlhatlhobetseng mogare mme go supa fa ba ka seke ba fitlhelela seelo se ba neng ba se ipeetse. Modulasetilo wa lekgotla la baruti mo Kgalagadi Borwa, Moruti Obakeng Baumake a re ba ngomolwa dipelo ke dikgang tsa dipolaano tse ba di utlwalelang ka metswedi ya dikgang mo e bileng ba setse ba tshelela mo poifong. O kopile Batswana go ipulela dikgwebo le go itshetsa ka diatla tsa bone ka letlhoko la ditiro le le kwa godimo, mme e bile se se ka thusa go kabakanya itsholelo. Balemi ba Mapatswa ke balemi ba ba ikopantseng go tlhabolola temo ya bone mme ba tswa kwa metseng e e akaretsang Makoro, Palapye, Lecheng, Goo-tau, Ratholo, Lerala, Maunatlala, Maokatumo, Matolwane, Tamasane le Topisi. O tlhalosa fa a ne a ikgapela maemo a bobedi. Rre Tshitoeng o tsweletse a tlhalosa fa matlotlo a tlholego e le one a dirileng gore lefatshela Botswana le bo le meletswa mathe ke ba mafatshe a mangwe,a re ditsa tlholego di tlhoka tlhokomelo e e ka dirang gore di tswelele ka go dira pharologano mo matshelong a bone. Rapelang le tshephe thapelo, ga kgothatsa Mme Moseki. Modulasetilo wa komiti ya letsatsi leo, Rre Motswakhumo Setabo, o ne a leboga puso go bo e ba buseditse kwa ngwaong. Mosadimogolo o boletse fa gape a ikaelela go ya go kopa thuso kwa lephateng la bong le le thusang thata bomme kana la S&CD go mo thusa ka motshine o o ka silang furu eo ka go ka mo direla tiro motlhofo. Ba re ba ngongorwa ke gore badira melato ya go nna jalo, puso ga e ba tseele dikgato tse di gagametseng ka jaana ba seke ba latlhelwa mo dikgolegelong. A re tshupentsho ya setshwantsho se, e ne e le matlhagolela tsela a go ipelela letsatsi la ga Sir Seretse Khama Phukwi a rogwa. Rre Kedisang yo e leng monni wa toropo ya Jwaneng ebile ele monana, a re o ne a anywa botsipa jwa thuo ya dinotshi fa a ne a bereka mo lephateng la temo thuo mo lekalaneng la temo ya morogo le thuo ya dinotshi ka ngwaga wa 2011 go fitlha 2013. Re le dikgosi le banni ba motse re tlaa ema ka dinao go bona gore dilo tsa mofuta o di a dirwa ka gore Batswana ke batho ba ba itlotlang, e bile ba tlotlana, mo go simololang fela ka madume, Kgosi a tshwaela. A re puso e supile fa balemi ba ba tlhatlhobileng mmu wa ditshimo tsa bone ba tla neelwa menontshane monongwaga. O supile fa maitlamo a bone e le go rotloetsa baithuti gore mo maduong a bone a ditlhatlhobo ba nne le pase dithuto tse tlhano kana go feta. Mme o bile gape a ngongoregela tiego ya dituelo tsa bagodi le gore bao madi a bone a salelang morago ba sokola go a bona. O tlhalositse fa lephata la Go fa Banana Dithata, Metshameko le Tlhabolo ya Ngwao le eme nokeng dikgwebo tse dintsi tse e leng gore banana ba ka di dira e seng dipodi le merogo fela. Rre Kgosiyabone o kopile dikgosi le setshaba ka kakaretso go leka go ruta borre gore ba fetoge. Bangwe mo morafeng oo ba ne ba itela kwa kgotleng ya ditsheko mme ka nako eo lekgotla la ntsha taolo ya gore Kgosi Phologo a se fologe go lebilwe bosupi jwa nako eo. A re fela jaaka dikgwebo tse dingwe, Charlla Bakery e lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le go tura ga didirisiwa ga mmogo le go tlhoka koloi go tsamaisa kgwebo ka thelelo. Mo go tse dingwe, banni ba ne ba supa fa ba sa itumedisiwe ke ka fa kompone ya metsi ya Water Utilities Corporation e ba fang ditirelo ka teng. A re o tshwenngwa ke gore bangwe ba sale ba tsile mo Botswana ka 1985 mme le mo nakong eno ga ba na diteseletso tsa go nna mo lefatsheng leno. Rre Motshegwa o kopilwe banni ba Mmadinare ka kakaretso go ema komiti nokeng gore e diragatse maitlamo a yone. Mopalamente o kopile badirelapuso go bereka le morafe sentle ka jaana le bone ba se kake ba nna sebaka sa dibeke tse pedi ba sa bone metsi. Fa a latlhela la gagwe mokhanselara wa Letlhakeng Borwa Mme Stella Segwagwa one a supa fa a sa itumedisiwe ke seemo sa ditsela tsa mo motseng tsa Letlhakeng ka di saletse morago ka malatsi a masome marataro le bobedi. Se se builwe ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso fa a ne a etetse motse oo mo bosheng a tsisitse dikarabo tse morafe o neng o di beile pele Tautona fa a etetse koo. A re go sekgala se seleele se se bakang tiego le fa ba ka begelwa ditiragalo mme ba fitlhele fa gongwe badira-molato ba setse ba iphaloditse. O tsweletse a re ba tshwenngwa ke batsadi ba ekareng ba rotloetsa bogodu jo ka gore fa ba bona bana ba tla ka leruo, ga ba tsiboge mme ba bua mafoko a a reng ke banna ba a ipapalela. Kgosi Salepito a re go a gakgamatsa go fitlhela ngwana a le dingwaga tse di lesome le bosupa mme a na le dikgomo tse di seng kana ka sepe. Dingwe gape tse mokgatlho oo o di dirang, Mme Matenge o kaile fa e le go etelana ga makalana go abalana megopolo le dikitso ga mmogo le go rotloetsa le go thusa maloko go itshimololela dikgwebo gore ba kgone go nna le letseno. O kaile fa lephata la thuto le lemogile fa kitso e tlhaela mabapi le go tlamela le go ithuta go tshela le ba-na-le bogole. A re ka tiro ya bone e le go sireletsa setshaba ba eme ka dinao go lwantsha borukuthi jo, ka bo tshedisetsa batho mo letshogong. Modulasetilo Rre Moribame o ne gape a supa fa makhanselara e le bagakolodi fa bodiredi jone e le ba ba fang dikitso mme botlhe maikaelelo a le mangwe a go thusa sechaba sa kgaolo ya Bobirwa. Mongwe wa batsadi ba ba neng ba itoma molomo wa tlase go thusa go laola botlhoka tsebe mo motseng Rre Justice Mmereki, o ne a tlhalosa mo potsolosong fa a na le ngwana yo o sa utlweng mme a nna fela a mo isetse kgotleng go gagamadiwa phogwana. A re le fa go le jalo, o kopana le dikgwetlho ka jaaana ene a dirisa matlalo a dipodi le dikgomo mme a supa fa bontsi jwa bareki ba rata matlalo a diphologolo tsa naga. Mopalamente wa Serowe Borwa, Dr Pelonomi Venson-Moitoi a re kgokgontsho ya bong, bogolo jang e e diragalelang bomme le basetsana e utwlisa botlhoko. Monnawe moswi, Rre Albert Ncube o tlhalositse fa moswi a tsetswe ka ngwaga wa 1921 mo motseng wa Jackalas 2. Tautona o nnile le sebaka sa go ba itholela le go ba itsese semmuso gore fa a sena go tlhongwa semmuso, o ne a dumelana le ba phathi ya gagabo go tlhoma Rre Slumber Tsogwane go nna mothusi wa gagwe, mme a ikanisiwa semmuso kwa Palamenteng le gore mokwaledi wa gagwe yo mogolwane yo o faphegileng ke Rre Bezark Maphakwane. A re e re le ntswa mo temong e e neng e feta a ne a itikile thata, maiteko a gagwe a ile a folodisiwa ke dikgomo dingwe tse di dirileng go rata le go kgona mo tshimong ya gagwe. O rotloetsa batsadi ba gagwe ba kabo ditsha go tswelela ba thusa ba bangwe ba ba mo seemong se a leng mo go sone. O ne a ba gwetlha go dirisa sebaka seo go leboga le go obamela Modimo ka tsotlhe tse di molemo tse o ba di diretseng le go nna ka phuthologo ba akola kobamo mmogo e le bana ba Modimo. Kgosi a re o tshwenngwa thata ke gore banana ba di goga kwa pele mo tirisong botlhaswa ya nnotagi. O supile fa mo nakong eno ba ise ba kopane le makgwere ape a a ka ba kgoreletsang go tswelela pele. Mme Mosweu o tsweletse ka go tlhalosa gore gantsi fa batho ba kgaogana mme ba na le bana, ba ba gakolola go ya kwa ga mmakaseterata gore borre ba kgone go tlhokomela bana. Fa a bua mo letsholong la go lwantsha kgokgontsho ya bong bosheng, Kgosi Mpeo Mpeo a re ka fa ngwana a godisiwang ka teng go laola ka fa a tsileng go tshidisanya le ba bangwe ka teng fa a ntse a gola. O feditse ka go re Batswana ba tlhokomele bojang ka ba itshetsa ka jone. O supile fa bomme gantsi ba kgona go dirisa bana go sotla borre fa lorato le setse le fedile. Mme Gabotlhakanelwe o supile fa maikaelelo a kwadiso e, e le go bona gore ditsha tse di abilweng di dirisiwa eng, di abilwe di le kae le gone gore lefatshe le le setseng le kae, o supile gape fa maikaelelo e le go fa ditsha tsotlhe dinomore. Mme Baikepi, yo o o nang le bana ba le bararo, o supile fa a kgona go tlamela bana ba gagwe le go ba tsenya dikole ntle le matshwenyego ape. A re ere ka jaana motse o tsweletse ka go gola le borukutlhi bo oketsega, ba tlhoka mapodise a mangwe a mabedi a maemo a constable le special constable. Rre Mpho Ookeditse wa komiti ya banana a re lenaneo la Boot Camp le rutile banana magokaganyane a botshelo. Mothusa tona o akgotse thata bodiredi jo bo rotloetsang mananeo ao kwa motseng wa Hatsalatladi, segolo jang molemisi, Rre Joshua Pagiwa, yo go bolelwang a dira tiro e ntle mo go rotloetseng temo ya merogo Dingwe tsa ditiro tse tona Seretse a neng a di etela ke ya kapei le ya go roka, tseo le tsone goneng go lebega di tsweletse sentle mme bothata jo bo amang badirisi ba lenaneo leo ka bontsi ele go tlhoka mmaraka. A re kgwetlho e nngwe ke go bo setlhare sa motsentsene se se dirisiwang go kgabisa ditlatlana se seyo kwa kgaolong ya gagwe, mme e bile se bonwa kgakala kwa Maun. O boletse fa kgetsi eo e le ya ntlha go e gatisa mo ngwageng ono fa e sa le o simologa, mme o ne a kopa bakgweetsi go kweetsa ka kelotlhoko, go obamela matshwao a tsela le gone go kgweetsa ka lobelo le le kwa tlase ka nako tsotlhe bogolo jang fa gare motse go ipaakanyetsa go hema ditiragalo tsa mofuta oo. Moemedi wa BOT50, le ene e le modiri wa seromamowa Rre Hendry Letshwiti, o ne a rotloetsa morafe go ipaakanyetsa boipuso ja monongwaga ka tlhwaafalo, le go iponatsa ka go apara mebala ya fologa ya lefatshe leno. O tlhalositse gore banni ba Takatokwane ba ka kgona go gatela pele fa go na le tshwaragano fagare ga badirelapuso, dikomiti tse di mo motseng ka go farologana, dikereke gammogo le setshaba ka kakaretso. E re ka gotwe phokoje go tshela yo o dithetsenyana, monana mongwe kwa Tlokweng o itshetsa ka kgwebo ya dijo. Metse eo e akaratsa Medie, Kweneng le Boatlaname ka go bonwe lefatshe mo kgaolong eo gore go ka lengwa dijo tsa sika loo mabele. E ne ya re mo potsolotsong bosheng ba tlhalosa fa ditlatla di dirwa ka setlhare sa motsotsojane le lelodi la mophane mme difala tsone di dirwa ka boloko le molora wa leiso. Mogokgo o ne a lebogela seabe sa puso mo go tokafatseng thuto mo lefatsheng leno, a kaya fa puso e leka ka bojotlhe gore le dirisiwa di seka tsa tlhaela le bone barutabana tota. Ba supile fa bontsi jwa nako ba nna ba sena metsi mo metseng ya bone mme ditlhwatlhwa tsa metsi tsone di nna fela di le kwa godimo. Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Mmadinare, Rre Molebatsi Molebatsi, o lebogetse Mothusa Tautona go bo a tsere matsapa a go ya go gomotsa morafe wa Mmadinare. Ba boletse fa mo mekgwatheng e mentsi mo Kanye, metsi a tshologa ka lebaka mme ba koporase ya metsi ba sa tsibogele seemo se. Mme Baikepi o dumela gore motlhala wa khumo o mo ntsi mme o tlhoka balatedi. O tsweletse a re dikgang tse di ba tshwenya thata ka e se lantlha go diragala jaana, a supa fa go setse go tsamaile madi a a ka tshwarang P100 000. Mothusa mogokgo wa sekole se sebotlana sa Masukwane, Mme Pauline Monyamane le ene o ne a nankola matshwenyego a ba kopanang nao kwa sekoleng, a akaretsang letlhoko la dijo, tlhaelo ya dikwalo tse di balwang ga mmogo le koloi e e ba tseelang bana ba ba nang le bogole go tswa mo Masukwane go ya kwa sekoleng sa ba-na-le bogole sa Moroka. Rre Mogolo a re puso e ikaeletse go thusa balemi ba ba epileng didiba go gokela metsi mo masimong. Se se builwe bosheng ke mogokgo wa sekole se sebotlana sa Mathiba Rre Noah Kebafitlhetse mo phuthegong ya batsadi le barutabana. A re dintsa di tlaa kgona go ba thusa go batla kwa ditholo di nnang teng gore ba kgone go di leleka. Rre Moloi a re melelo e farologana ka botona gape e laolwa ke diphetogo tse di diragalang mo loaping tse e leng gore di ka rotloetsa gore melelo e ka nna jang mono ngwaga. Kgosi a re puso e intshitse setlhabelo gore ngwana mongwe le mongwe a seka a tlhaelwa ke thuto ka jalo go dirilwe thulaganyo gore bana go tswa mo merakeng eo ba tsene sekolo kwa motseng wa Maposa. Batsadi ba rotloeditswe go ruta bana melao e e tlaa ba betlang gore ba nne le bokamoso jo bo eletsegang. Rre Makgalemele a re mogopolo o mongwe ke wa gore bagolo ba seka ba duela mo dipalamong tsa setshaba. Rre Malikongwa o ne a supa gore bodirelapuso bo teng ka jalo batho ba ba tlhokang ditirelo, ba tshwanetse go thusiwa sentle ka dinako tsotlhe. Mokhanselara wa Oodi, Rre Batlhalefang Ramosesane a re ditsela tsa motse wa gagwe ga di jese di welang ka di baya matshelo a batho mo diphatseng. Le fa ditlamelo tsa ba-na-le bogole di santse di tlhaela, Rre Koma a re maiteko a a dirwa go di tokafatsa. Mogolwane wa lephata la thuto go tswa kwa moding, Rre Ponoesele o kopile gore bana ba godisediwe mo Moreneng, a tlatsa ka gore poifo Modimo ke tshimologo ya botlhale ka jalo, ba eme kgatlhanong le go dira boleo. Mopalamete Kablay o supile fa madi a ditlhabololo a dikgaolo ba dumalanye gore ditiro tsa teng di fiwe banana mme sebe sa phiri ke gore ba tlogela ditiro ba sa di fetsa. Ka borre gantsi ba tshaba go ikuela fa ba kgokgontshiwa ke bomme, a re ba kgona go felela ba a swa senku fela bas a kope thuso gope. E rile a ntsha la gagwe, mothusa kgosikgolo, Kgosi Kebapetse Telekelo, a tlhalosa mo potsolotsong fa Kgosi Bome a sale a tlhomilwe mo maemong a tetlanyo ke moswi, Kgosi Seepapitso IV a sale botshelong. Rre Molefhi o tsweletse a re matlo otlhe a a setseng a abilwe le yone ya ga Mme Monnawatlala a ne a ntshediwa madi a bo a agiwa ke bodiredi jwa lephata la matimela ba ba neng ba ithaopa ntleng le dituelo dipe. Tumalano e, e dirilwe mo phutegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Maun Bophirima, Rre Tawana Moremi yo o neng a lekodisa banni ka dikgang tsa palamente le gone go tsaya megopolo go e isa kwa phuthegong ya palamente ee tlang. O supile gape fa kgaogo ya motlakase kgapetsa kgapetsa e kgoreletsa go tswa ga metsi kwa didibeng tse di gokeletsweng motlakase. Lona le setse le le bantle ka ntlha ya mafoko a ke a buileng le lona, bangwe re ne re le magodu, bo radifeisi mme ka ntlha ya tshokologo, re ntse bantle, Bishopo Jakobe a tlhalosa. O supile fa a simolotse go tlhagafalela temo thata morago ga go simolodisiwa ga lenaneo la ISPAAD ka a thusiwa ka dipeo le menontshane le gone go lemelwa mahala. Modulasetilo o ne gape a itebaganya le ditiro tse di tsweletseng mo kgaolong tse a rileng di lesome le bobedi . Mokhanselara wa kgaolwana ya Marulamantsi mo Gaborone, Rre Sergeant Kgosietsile, a re go sa bereka ga dipone tsa mekgwatlha mo toropong go a tswenya segolo bogolo fa go le bosigo. A re se se monate ka kgwebo ya gagwe ke gore o a iperekisa a sa salwa morago ke ope e bile dipoelo tsothe ke tsa gagwe. Kgwebo e e ntsha ka e na le dikgwedi tse tharo e simolotse ebile lefelo le e leng mo go lone le iphitlhile mme se se re baya ka fa mosing gore bareki ba e bone, ga bua Mme Moloi. Le fa go ntse jalo, o boletse fa a sa itumedisiwe ke boitshwaro jwa banana ba motse wa Metsibotlhoko ka a amogela dikgang tsa dikiteo le tse dingwe tsa botlhoka tsebe. Letlhoko la metsi le dia ditlhabololo Assistant Superintendent Keitumele a re bontsi jwa dikotsi di bakiwa ke nnotagi e e nowang thata mme o ne a kopa baruti le baeteledipele ba ba neng ba le ko merapelong go bua le bana go emisa go nwa bojalwa ba bo ba kgweetsa. Fa a kgwa Rre Satomana kgaba, Kgosi ya Sepopa Rre Rangosa Nkape o boletse gore ke nnete bangwe ba balemi ba kgaolo ya gagwe ba tshimo di le lesome kwa Mowana, Ghowana, Sepopa le Kajaja, ga ba a bona thobo epe ka ntlha ya dikgomo tse di tshwenyang mme a supa gore ga gona epe kgang e e kileng ya tla go begiwa semmuso fa lekgotleng. O kaile gore e le morafe wa motse wa Tshesebe ba ne ba dumalana go ikgaoganya ditiro ka dikgotlana tse nne tsa motse oo mme a re seo se tla a ba nolofaletsa go fitlhelela maikaelelo a bone. A re megala ya lotheka e le mebedi ya bobedi joo e e neng e tserwe ke banna bao e bonwe ga mmogo le koloi ya mme yoo. Puo ya Sesarwa e ya farologana mo mafelong a a kwa Boteti, mme go nale batho ba ba e tlhaloganyang yotlhe. A re ga se lantlha banka eo e nna le seabe mo ditirong tsa setshaba, ka ba kile ba abela ba Khawa, ba nna le mogwanto o o duelelwang kwa Makgadikgadi mme ka madi ao ba kgona go thusa ba ba tlhokileng lesego. O ne a supa gape fa go nyemisa moko go bona manoto a banana ba tsaya karolo mo ditlhophong tsa diphathi tsa sepolotiki ka go farologana. Mo potsolotsong, Kgosi Shathani Kgakanyane wa Sebina o boletse fa go sa itumedise go bona dirukutlhi di tsweletse ka go tlhasela batho le go ba amoga dithoto, madi le megala tse ba di bereketseng ka thata. Mme Loeto o boletse seo mo thuto puisanyong kwa Rasesa e e neng e tseneletswe ke Dikgosi, barutabana, ba boipelego le batsadi , a re dikgang tsa bong le molao di ama batho botlhe. A re dikgang tse dingwe ga di a tshwanela gore di bo di ka emela phuthego ya ga mopalamente gore di rarabololwe. Botsalano jo bontle fa gare ga setshaba le bodiredi jwa botsogo bo ka thusa mo go tokafatseng ditirelo. Mme Makgato o boletse gape fa Rre Majaga a le lerato, e bile a eteletsa dikeletso tsa baagi ba kgaolo kwa pele. O tsweletse a re go tla tswa mo metseng e e farologaneng gore ba nna le seabe jang mo tirong e. A re o kopa Batswana go tlotlomatsa ngwao ya bone ka puo ya bone gore mafatshe a mangwe le one a ithute mo go bone, ka Setswana se re goo-ra motho go thebephatshwa, go dira jalo gore dikokomane tsa bone di tle di fitlhele puo ya bone. Ba kopile gore tiro ya Ipelegeng e fetolwe e nne tiro ya sennelaruri. A re magodu a, a itebagantse le dijarata tse e leng gone di agwang, ka jalo di sena yo o di tlhokometseng. Mme Garethata a re temo e batla bopelotelele, lerato le go bereka ka natla, a re tseo di kgontsha molemi gore a gole. Mo dikgannyeng tse dingwe, Rre Matlhabaphiri o kopile gore ba-na-le bogole ba ntshiwe kwa mahure gore ba bone dithuso tse di ba lebaganeng. Selo se a reng se fetotse botshelo jwa gagwe fela thata, ka jaanong a kgona go bona dipoelo tse di botoka ka a kgonne go baakanya ntlo ya gagwe le go ipeela sengwe mo posong. Mapodise a Tshane a tshegeditse monna wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi go ya kwa go a mararo le botlhano, yo o tlholegang kwa Zutshwa, mabapi le dipelaelo tsa go keteka a bo a gobatsa mokapelo wa gagwe. Ke amogela thomo e, ka temogo ya gore ke thomo e e seng sepe gape ka e tlaare ka sebaka sengwe, mong wa setilo a se batla ke mo se neele, a supa. Rre Maele a re babereki ba lephata la Matimela ba supile fa ba tshela tebelopele ya setshaba ya 2016 ka ba ne ba bona go tshwanela gore ba abele Mme Monnawatlala ntlo ba bo ba abela ba ba neng ba dira ka natla dimpho tse di farologaneng. A re molawana o o laolang go sega bojang o tlhalosa gore fa motho a sega dingatana tse di fetang makgolo a fera bobedi kgotsa 800kg ba tlamega go dira teseletso. Mogokgo o lela ka maitsholo a bana Moemedi wa kereke, Mme Sister Steyn a re maikaelelo a bone e ne e le go lwantsha dikgwetlho tse Batswana ba lebaganyeng le tsone ka go ba kaela gore go na le botshabelo kwa Modimong. A re seo ke ka lebaka la tshwaragano ya batsadi le barutabana le batho ba motse wa Marobela ba ba nang le lorato la sekole seo Fa a bua ka maikaelelo a mogwato oo, Moruti Chilume Marape o boletse fa maikaelelo e le go aga ntlo lehala hala e e tlaa dirisiwang ke sekole e le bokopano gape le go tshwarela diphuthego tsa mo sekoleng le tse di kwa ntle tsa setshaba. Rre Chepete Chepete o ne a supa fa motse wa bone o sa robalelwa ke ditlhokwa, mme a batla go itse gore ka fa tsamaisong ya bogosi go dikarolo tse pedi, kgosi e ka nna ya letsalo kana ya tlhopho, mme fa go welwa mo tsamaisong ya tlhopho go tlaa re batho ba fiwe sebaka go itlhokoletsa tlhopho. Gantsi ke dira tiro ya botaki fa ke le mo malatsing a boitapoloso. Rre Mackenzie a re komiti ya VDC, e tshwanetse go ntsha dipego tsa ka fa ba dirisitseng madi ka teng le gone go itsese setshaba ka fa ditlhabololo di tsweletseng ka teng, morago ga kgwedi tse tharo mo ngwageng, a tlatsa ka go supa fa tshwaragano, tirisano mmogo le merero e le yone konokono mo go tlhabololeng metse. O rotloeditse banni go ruta bana go ikgapha mo go mo tsa tlhakanelo dikobo ka go ba tsenya mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare. Mo pegong ya bone ba ne ba itebaganya le dintlha di le tharo ebong lekalana la dipeeletso tsa madi a diphitlho, dithoto le bonno, ntlha e nngwe e ne ya nna ya lekalana le diphitlho fa ya boraro e ne e le go ba lekodisa ka BTU. A re le ntswa bojalwa joo bo rekisiwa kanfa molaong, sebe sa phiri ke gore barekisi ba jone ba reka metswako mme ba fete ba itsenyetse wa bone o o sa kwalwang, e le go dira gore bojalwa joo bo nne bogale thata. A re ba dirisa jenereitara e e tshabelelwang ke go senyega le go felelwa ke lookwane. Mo motshamekong wa netball, maemo a ntlha a tserwe ke setlhopha sa Mambo, fa a bobedi a gapiwa ke sa Milikani Netball Club go tswa Kgari, fa maemo a boraro le bone a tserwe ke Happy Hearts go tswa Ditladi le Kulenyane go tswa Matshelagabedi ka tatelano. Lontone e ipelela thobo Botswana fela jaaka lefatshe ka bophara, o tshwenyegile thata ka koketsego ya kgokgontsho bogolo jang ya bomme le bana ba basetsana. A re ba ne ba kopa thuso kwa khanseleng ya Gaborone, ba sesole sa Botswana le ba Rural Metro go thusa ka ditima molelo. A re bangongoregi ba begela mapodisi fa ba senyeditswe mme morago ba boele kwa mapodising ka maikaelelo a go tsholola kgang. A re le fa bangwe ba ka batla go nna le masika go ka nna molemo ka tota kwa sekolong e se ga lebaka le le leele, a bua jalo a rotloetsa mowa oo wa go kopa mo masikeng fela thata. A re ka fa pego ya lekgotla la botsogo le le direlang mo kgaolong ya Kgalagadi ya 2013 e ntseng ka teng, batho ba le 1803 ba ne ba tsenwa ke malwetsi a dikobo, seemo se pego eo e se supang fa se tshwenya fela thata. A re mme se segolo se se ka dirwang ke gore borre bao ba tseelwe dikgato tse di gagametseng go feta tse ba ntseng ba di tseelwa le melaetsa e gasiwe go itsise setshaba ka ditlamorago tsa ditiro tsa go nna jalo. O tsweletse a re, ke matlhabisa ditlhong gore moeng a fitlhele kgotla e sena ope. A re ke nako ya gore go sekasekwe kgolo ya poso ya Sikwane ka e le yone e thusang banni botlhe ba dinokeng mme e le potlana. Fa a akgela, Kgosi Mothusi Mathwanye wa kgotla ya Suping o amogetse mogopolo o, mme a gakolola ba sepodisi go ne ba tsiboga ka nako fa ba begelwa dikgang tsa borukutlhi. Balemi-barui ba ne ba rutwa go tlhagola mohero ba dirisa ditshefi go na le go dirisa megoma jaaka bogologolo le go somarela bokgola ba dirisa mogoma wa ripper go na le megoma ee tlwaelesegileng. O ne a kopa batho go epela mekono mo ditsheng le go tlhomamisa gore mekono e tsamaelana le dipalo tse di mo setlankaneng sa peo. A re o rekisetsa Batswana ka bongwe ka bongwe, bagwebi ba ba botlana ga mmogo le marekisetso a Choppies, Shoprite le Spar kwa Francistown. O ne a iteela kobo moroko mafoko a ga Rre Rietz a go ikamogela, a re go botlhokwa go gaisa sengwe le sengwe le gore ke gore motho o tshwanetse go itseela dikgato tse di maleba go thusa go tshela lobaka lo loleele. Mothusa kgosi kwa kgotleng ya Motswedi kwa Lobatse, Kgosi Kgotlaetsile Motsamai, o rotloeditse batsadi go tsaya karolo mo thutong ya bana ba bone. Fa a ba araba, tona Batshu o ne a bolela fa go ise go nne le thulaganyo ya go ka kwadisetsa matsalo a bana kwa dikokelong ka didirisiwa tsa boranyane di sa ntse di le boutsane go ka isiwa teng koo. Kgosi Pharithi a re badirelapuso ba tshwere tiro ya bone ka boineelo ba sa ipelaele mme a lebogela gore mokhanselara wa kgaolo eo, Rre Nathaniel Moribame go bo a emetse motse o o sentle. Mme Phirinyane a re go le gantsi barutabana ba ba tlogetseng tiro le badirelapuso ba bangwe fa go tla nako ya gore ba ikhutse ba robale ka leso, e nna matlhotlhapelo a a supang botlhoki jwa motho go sa kgathalesege gore e rile a le mo botshelong a direla lefatshe ka go ntsha bomankge ba dikitso, ba lefatshe le ipelafatsang ka bone. O thalositse fa se se kgona go dira gore a tseye lebaka a sa loge ditlatlana a emetse motsentsene mme go ame kgwebo ya gagwe. Mongwe wa bagwebi bao jaaka rre Thebeyame Molefhe o gateletse gore a molao o diragadiwe mo bathong ba ba tlolang molao. Mme Molelo a re ene le barutabana ba gagwe ba dumela mo go supegetsaneng diphoso kwa ntle ga poifo, a re seo se ba a ba berekela ka e bile se agile motheo wa motia wa kgodiso ya ngwana. UDC e tlhoka makgotla otlhe - Boko Rre Seoko a re bangwe ba tshwerwe ka dithoto tse go belaesegang e le tsa bogodu ka ba ne ba palelwa ke go tlhalosa kwa ba di tsayang teng e bile ba se na dipampiri tse di supang kwa dithoto tseo di rekilweng teng. Mme Mosinyi a re go simolola ka didirisiwa di tlhaela, ga go a ka ga ba nyemisa moko ka lepe letsatsi ka ba ne ba itoma wa tlase go ntsha maduo a a bonalang ka se ba nang naso. O boletse gore ka nako eo go ne go sena lelwapa lepe le le nang le ntlwana ya boitiketso mo kgotlaneng ya Metsiaela fa ese a le mabedi fela a fitlhelwang kwa kgotlaneng. Ramapodisi a Bobonong, Superintendent Paul Seoko, a re dipalo tsa batswakwa ba ba gwebang kwa Bobirwa ka bokukuntshwane di ile magoletsa. Morui wa monana kwa Bobonong, Rre Dimpho Ntshwabi yo o thusitsweng ke ofisi ya banana ka P99 000 go simolodisa kgwebo ya thuo ya dipodi o tlhalositse fa thuo ya dipodi e le bogadi bo gaufi. Ke ne ka ema kwa ntle ga terata ya sekolo (matlhophelo), ke bo ke mmona a ntse a ema ema le batho. Ka one mokgwa o, molemi o tshwanetse go itse se se mo tshimong ya gagwe ka dinako tsotlhe le fa se kabo se le kgakala le fa a lemetseng teng. E rile a ema mookamela lekalana la ditlhaololo la madi le tsa theko rre Pilane Sebigi a bolelelela bo mme ba mapodisi gore ba tshwanetse gore ba itemoge, gore batle ba lemogiwe ke bagolwane ba bone le sechaba ka kakaretso. Mme Sekgwa o ne a ikuela mo bananeng go fokotsa tiriso botlhaswa ya nnotagi mme a tlatsa ka go bua mafoko a motlapele a a reng lemphorwana la bojalwa ga le fofe. Fa a tlhalosa ka kwadiso ya ditsha e e sa tswang go tswalelwa, o kgalemile go re ope yo o a sa kwadisang setsha, a se ka a ya go kopa kwa ofising ya gagwe go letlelelwe go kwadisa. Rre Molatlhegi o kopile batsadi go lwantsha tiriso ya diritibatsi a re di tsisa mekgwa ee sa siamang jaaka borukhutlhi, go thuba malwapa le one malwetsi tota. Fa o feta fa semausung sa ga Mme Lekolori, fa gare ga nako ya borobabongwe le lesome mo mosong o ka ipotsa gore a go tlhabilwe kukama, ka batho ba a bo ba kgobokane teng ba le bantsi ba foletse go reka dijo. Molaodi o kgala ditlhogo tsa maphata Tshomarelo tikologo ke ya
 botlhe E rile mo potsolotsong le BOPA bosheng, Mme Leburu a tlhalosa fa a itshetsa ka dithupana tsa morogo wa rape mme e bile ba lelapa la gagwe ba ka seke ba lala ka tlala. O ne a tswelela a re batlhotlhomisa leso la monna yo o dingwaga tse di masome a mararo le bobedi yo aneng a fitlhelwa a tlhokafetse mo ntlong ya gagwe mo mosong wa Sontaga (Phatwe 16) kwamasimong a Mapetle. Makhanselara a kgala tshwetso Mme Khubu o tlhalositse gore o ne a nna ngwaga a ise a fiwe didirisiwa tsa thuo ya dinotshi, mme ya re ka 2015 a rogwa a segofala a fiwa mabeelo a dinotshi le kapari ya thuo ya dinotshi, mme a tshwanelwa ke go ipatlela dinotshi go simolola thuo. Kgosi Nkgageng o ne a rotloetsa banni go tsenya mo tirisong dikomiti tsa ntebele ke go lebele segolo bogolo fa ba seo mo malwapeng a bone. O bolela fa lorato le kemonokeng go tswa mo bathong ka bongwe ka bongwe e le tsone mmangmang. Kgosi Lebang a re ga go na dikgang tse di tlhabang jaaka tsa baratani ba sa nyalana ka fa molaong. Rre Phologolo o ne a supa fa madi a a dirisiwang mo ditirong tsa mothale o, ba a ntsha ka boteng jwa dipelo tsa bone go tswa mo dipateng tsa bone, a supa fa mongwe le mongwe wa bone a ntsha bonyenyanenyana kgwedi le kgwedi mme e re ba bona letlole la bone le le botoka, ba dire sengwe. O tlhalositse gore dipalo di supile fa dikgwebo tsa bomme di feta masome a marataro mo lekgolong, a tlatsa ka gore se se raya gore dikgwebo tsa bomme di botlhokwa mo itsholelong ya lefatshe leno. Modulasetilo a re kgwetlho e nngwe e e tshwenyang ke phaephe ya kgopho ya metsi a a leswe ka jaana e feta gaufi thata le letamo la Mmakgodumo. A re bone ba neela balemi dipampiri tse di ba letlelelang go tsaya dipeo mo dikhamphaning tse di ikwadisiseng le puso go aba dipeo. Ralotsia o rotloetsa balemi go dirisa mananeo a temo-thuo Rre Oats o tlhalositse fa setlhopha seo sa batho ba le lesome le boferabobedi ka palo se ne sa tswa ka mogopolo wa go direla setshaba sengwe sa bopelotlhomogi ka malatsi a go ipelela botsalo jwa morena le ngwaga o mosha. O tsweletse ka go re morago ga go tlhatlhelelwa ka dithuto tsa thuo ya dinotshi, o ne a aloga mme a fiwa setlankana sa thuo ya dinotshe. Rre Pitlagano a re ke nako jaanong gore ba mo ntshe mo setilong ba rome mongwe yo o tla isang khansele eo golo gongwe le fa ntswa go sa sala nako e kalo pele ga ditlhopho tsa setshaba. Mo godimo ga moo, Rre Moahi o supile fa ba na le kgwetlho ya letlhoko la madi. O ne a ikuela mo batsading go kgalemela bana le go emisa gore e re ngwana a dirile molato ba bo ba ba golola. Rre Chepete, yo o dingwaga di masome matlhano, o tlwaelesegile ka go bonwa a inamela letlakala lengwe le lengwe le le mo kgopang mo tseleng, mme a akanye gore o ka le busetsang jang mo tirisong gape go dira sengwe se se ka kgatlhang leitlho la moreki. O tlhalositse gore puso e na le mananeo a faphegileng a a lebaganeng ba-na-le bogole mme ka jalo a re ba na le tshwanelo ya go a akola jaaka Motswana mongwe le mongwe. Rre Ramokate a re e re ka jaana go abela le go lemoga bao ba ba dirang ka natla e le selo sa botlhokwa, bone e le ba lephata la banana, metshameko le ngwao ba tlaa dira seo go nna selo modiro go leka go tsholetsa le go tiisa serodumo sa go dira ka natla, ka seo se ka thusa go kgotsofatsa ba ba ba thusang. Kgosi Clinic Ketlogetswe o ne a tlhalosa fa a direla mo ntlong e nyenyane, a bolela gape fa a sa bolo go kopa mokwaledi le mapodisi mo kgotleng ya gagwe mme go sena sepe se se dirwang. Magodu a leruo a tla emela tsheko mo kgolegelong, ebile gape molao o o letla gore le fa o sa amege mo go utsweng leruo, mme o adimile batho koloi kana sengwe ba utswa, le wena o tsile go seka, a rialo Rre Molebatsi. A re tsone ke ya go nosetsa ditshipi kwa Radisele, ya matlalo kwa Lerala, ya go roka mo Palapye le Lerala, ya kapii ya borotho kwa Malaka le Lecheng fa ba Mokungwane bone ba ruile dipudi, mo Palapye ele ditshingwana tse a reng di dira sentle thata, kwa Ratholo mongwe a dira diice pop. Ba ne ba lela gape ka letlhoko la matlo a badirelapuso, ba kopa gore kokelwana e atolosiwe. Rre Maele o ne a itumelela letsatsi leo la go ruta balemi ka go somarela bokgola a bolela fa go rutwa balemi ba le mokawana go tla ba thusa go abelana megopolo. Ba tsweletse ka gore kompone eo ga e nke e buisana le bone ka mabaka a tshwana le go kgaola metsi ba tlatsa ka gore ba ketefalelwa ke kgang ya gore ba bo ba tsamaya sekgala se se leele go ya go duelela metsi kwa motseng wa Tsabong kgwedi le kgwedi. O tlhalositse gore mokgweetsi e ne e le mme, yo o neng a ne a alafelwa dikgobalo tse di potlana. O ne a supile fa sekolo seo sena le letlhoko la dibuka mme go nna le seabe mo kwelong tlase ya maduo mo sekolong seo ka bana ba patelesega go dirisa dibuka mmogo. O buile jaana ka Matlhatso Phatwe 31 jaaka dikhamphani tse di ne di abela baithuti ba sekole se sebotlana sa Kolonkwaneng dibeke tsa marang a letsatsi go fetlha motlakase go dira lebone le ba tlaa le dirisang go ithuta. O tsweletse ka go kgotlhatsa le go rotloetsa banana boora Setlalekgosi le boora Mokgadi gotsweng kwa Mookane go tswelela ka go tshwara dithuto tsa go nna jalo ngwaga le ngwaga gore ba kgone go abelana le Batswana ba bangwe dikitso tse di tseneletseng mabapi le go tlhabolola temo-thuo. Fa a bua mo potsolotsong le Rre Nawa a re thobega e ne e dirwa ka thito ya sethare sa moretologa o o iseng o gole thata, mme thito e, e ne e betlwa e bo e sale e le sephaphathi e bo e kgaoganngwa gabedi. O ne a tlhalosa fa dithuto tse di ne tsa mo fa lesedi le le tseneletseng ka tiro ya go bopa. Rre Maele a re fa lefatshe leno le tsaya boipuso ka 1966, temo e ne e le konokono ya itsholelo mme mo nakong eno seemo se fetogile thata. Rre Joseph Sebina, yo e leng mokhanselara wa Bokaa, e bile a filwe boikarabelo jwa go kgaoganya madi a khansele, a re maduo a bana ba dikole a a tshwenya. Rre Maele a re fela o maswabi ka gore tiro e e dirilwe ke bana ba ba tswang kwa ntle ga Lerala. A re dingwe tse ba di itumelelang, ke go itshegela ditema mme ba bo ba netefatsa gore ba a di diragatsa, a re mo godimo ga moo, ba tlhomamisa gore ba tsaya dikgakololo tsa ba ba ba thusang, ba bontsi jwa bone e leng banana mme ba di tlhotlhe go bona tse di ka ba berekelang. O tladitse ka gore ba dirisanya thata le kgosi, mapodisi le bo mmaboipelego go ba thusa fa ba retelelwang teng. Tsholofelo ya rona ke go bona maduo a bana ba ba tswang mo Moiyabana a fetoga a kgatlhisa. Mogolwane go tswa kwa FNB ya Serowe, Rre Ratsela Segwati o ne a re ba simolotse mokgatlho wa dithuso ka 2001. O tsweletse a bolela fa puso e na le mananeo a tshwana la ISPAAD, Ipelegeng le la banana go leka go tokafatsa matshelo a Batswana. Mogokgo o buile jaana kwa bokopanong jwa batsadi le barutabana Motsheganong ale lesome le bosupa kwa Serowe a re go a tshwenya gore e re le fa bontsi jwa batsadi e le banana, bana ba bo ba ya sekoleng ka leswe. O ne a gatelela gore go jwala ka go gasa ga go sa tlhole go letlelelwa mme e bile ope yo o lemileng jalo ga a na go duelwa. Kgosi ya motse oo, Kgosi Kgotla Kobelwane le ene o netefaditse fa kgang ya dino e tshwenya mme a re sebe sa phiri ke gore fa a bitsa diphuthego tsa kgotla go tla go kgalema bontsi jwa banana ga bo tle. One gape atlhalosa fa go dumelanwe gore kgwedi ya mopitlo e simolola mereki mongwe le mongwe abo ana le le sekopelo se se supang maina a gagwe le gore o berekela kae.o bile a re babereki ba tshwanetse go fiwa dietsele mo kgaolong le ko lephateng. Mme Dineo Lekolori wa Lehututu ke nonyane ya mofuta oo. O tlhalositse fa seemo mo motseng se ritibetse ntswa go santse gona le botlhoka tsebe fale le fale, mme a rotloetsa batsadi go tswelela ba tsisa bana kwa kgotleng a tlhalosa fa thupa e thusa go aga ngwana fa a tswa mo tselengMotshwarelela mookamela mapodisi a Thamaga Ass Supt. Mantswe a yone a a tlhophiwa ka jaana re bua ka borara, mothusa tona a kgalema. Fa a tswelela rre Lorato a re dikgang tse di santseng di tshwenya ke tsa modumo mo mebileng, a supa fa se se dirwa segolo thata ke batho ba le ka fa tlase ga thotloetso ya dino mme a kopa botlhe ba ba dirang jalo go emisa ka gore tiro e na le ditlamorago tse di sa siamang. Mo go tse dingwe, mokhanselera wa Radisele, Rre Kgosiemang Monare le wa Mogapi Rre Tuelo Metseyabeng ba ne ba supa matshwenyego ka tiego ya paakanyo matlo a barutabana, le matlo a borutelo mo dikgaolong tsa bone. Mokhansela wa kgaolwana ya Thakadiawa mo Selebi Phikwe Mme Evelyn Kgodungwe o ne a supa fa ba lekgotla la tsamaiso ditlhopho ba dira tiro e ntle go nna ba ruta le go tsibosa batho ka mosola wa ditlhopho ka e le yone fela tsela e motho a ka supang dikeletso tsa gagwe ka yone. Ntle le gore o leka go tshegetsa ngwao ka gone go suga matlalo a dira dikgole, o boa gape a di rekisa go dira motswedi wa itshetso. Fa a bua bosheng kwa kgotleng ya Mahalapye, Rre Kgosiyabone a re borre ba tlhoka go sugwa ditlhaloganyo gore ba kgone go tsaya ditshwetso tse di lebaneng. Se se builwe ke mogolwane wa bomme ba kereke eo, Mme Benni Keaketswe kwa moletlong wa ngwaga le ngwaga wa malatsi a mararo wa bokopano jwa bomme go tswa mo dikgaolong tsotlhe go ralala lefatshe leno kwa Hatsalatladi. Botsogo jwa ngwana boswa jo bo popota Ntlo ya ga Rre Moswang e agilwe ke ba kompone ya Image Civil Engineering ka P76 000 fa ya ga Mme Lentswenyana e agilwe ke ba khansele ka P90 000.BOKHUTLO Ke dumela fa go sa lekana go aga le go tlhatlhelela magolegwa dikitso tsa bokgoni jo bokwa godimo mme ere morago di seke di solegele setshaba molemo ka ditlhaelo tsa madi, ga gakolola kgosi Motswakhumo. Le bone ba ne ba kopa go tsenyediwa motlakase. Are ka go tlhoka lesego, ga a na teseletso ya go gweba ka matlalo a diphologolo tsa naga, selo se a reng se ama tiro ya gagwe. Superintendent Maniki o tlhalositse fa ba ne ba leka go tlhasela babereki ba kampa ya puso gape mme ba retelelwa ka ba ne ba felela ba kgona go tshwarwa pele yo mongwe a siya mme ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse mabapi le kgang e. Kgakololo e, e dirilwe ke mogokaganyi wa setshaba le moepo wa Karowe, Mme Kgalalelo Mokgweetsi kwa bokopanong jwa go ruta le go gakolola bakgweetsi le balemi-barui ba ba dirisang tsela e e yang moepong oo mo bosheng. Mogokgo o ne a tlhalosa fa sekole sa gagwe se lebanywe ke dikgwetlho di le mmalwa di akaretsa tlhaelo ya matlwana a borutelo. Mokhanselera wa Mogapinyana Mme Mmaletsatsi Nthobatsang o ne a arogana le bakaulengwe ba gagwe ka tse ba di dirang kwa kgaolwaneng ya gagwe, a re ba ne ba tla ka mogopolo wa gore ba batlisise bana ba motse oo ba ba nang le dikitso tsa kago, motlakase, kgokelo ya metsi le tse dingwe mme ba sena ditlankana. Mme Baikepi re seo se ne sa motlhofofaletsa tiro. FNBB e rwesa baithuti ditlhako Rre kapeko one a gakolola batho gore fa mohero o oka seke wa lwantshi ka mashetla o tla felela ka go ba bakela mathata e seng fela mo masimo mme le mo matshelong a bone le a leruo ka kakaretso. A re kgaogo eo e sale e diragala ka ngwaga wa 2011 mme nako kgolo ke eno mme a kopa mopalamente go ba tswa thuso. Mogokgo Segametsi Matlho o galaleditse dithuto tsa lekoko leo ka a re di tlaa thusa baithuti go tokafatsa dithuto tsa bone. A re ba kopana le dikgang tsa bana ba ba tsenang ka lenga la seloko morago ga go fiwa dibuka, mme seo e nne tatlhegelo e tona mo pusong. Rre Masisi a re puso gape e tla simolodisa thuto ya dikole tsa bananyana ele tsela nngwe ya go tokafatsa maduo mo dikoleng. Mongwe wa balemi ba, Rre Badisa Galetale o supile fa a kgonne go ntsha dikgetsi tsa mmidi di le 106 mo diekereng tse tharo le tsa lablab di le 560 mo diekereng tse tlhano ka a ne a lemile ka ditselana. O gakolotse kereke go sa kgala lentswe mo go lwantsheng lehuma ka le sa eletsege gotlhelele mo lefatsheng la Botswana. Rre Odigetswe a re go monate gore ba balelwe mo go tse dintle go na le tse di maswe tse baithuti ba inaakantseng le tsone. A re Sheerwood le dipolase tse di mabapi ke mangwe a mafelo a a kwa ntle ka jalo go na le kgonagalo ya gore ba ba nnang teng ba tlhoke ditlamelo tse dingwe ka jalo ba tshwanelwa ke go tsibogelwa. Dihutshane di bogadi bo gaufi Baruti ba dikereke tse di farologaneng kwa Lobatse ba ne ba rapela gore dikotsi tsa tsela di fokotsege, ga mmogo le tiriso ya nnotagi le maikutlo a a sa iketlang. Fa a rola motshine oo wa Canon kwa sekoleng seo bosheng, Rre Mabutho a re o gwetlhilwe ke go bona maduo a sekole seo a sa itumedise, mme a lemoga fa go na le sengwe se se ka tswang se tlhaela go tsweledisa thuto ya baithuti, ka jalo a bona go tshwanela go rekela sekole motshine oo. Mme Kgosintwa o bile a tlhalosa gape fa ntlo eo e tla dira gole gontsi ka bane ba lemoga fa bana ba latlhegelwa ke motlhala puo le goitse ngwao. A re mmuso o abetse lephata la gagwe madi a tla dirisiwang go duela dikgosana tsa tetlanyo dile makgolo a mabedi, masome a robabobedi le metso ele merataro (286) lefatshe leno ka bophara mo ngwageng wa madi wa 2015/16. Mogolwane o ne a lebogela ba FNBB le ba BPC tiro e ba e dirileng go nna le seabe mo thutong mme a rotloetsa bana go tshwara ka natla e se re gongwe maiteko a a tsena ka motlhobodika. Mme Tshireletso o ne a rurifatsa gore fa go kgonega, e tlaare kabo ya madi e e latelang, puso e tsenyetse motse oo madi, ka o tlhomamisiwa gore ke motse ngwaga o o fitileng. Dr Somololekae a re, ere ntswa puso e tsweletse ka go thusa setshaba ka ditlamelo tsa mahala, bontsi bo santse bo saletse morago ka go sa itlhokomeleng mo go itlhatlhobeleng malwetse a tshwana le kankere. Botswana registers second COVID-19 death Tlhaelo ya metsi e apere Semitwe Modulasetilo o ne a lebogela komiti eo ya dibetso tsa tlholego bonatla jwa yone le boineelo jwa go tlhomamisa gore mongwe le mongwe o sireletsegile. Rre Ditsele o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe ene ya gola ya atlologa fa dingwaga di ntse di tswelela, a tlolela kwa moseja ga noka go thoma tshingwana teng kwa le gompieko a direlang teng. Baikopedi ba lenaneo la kago ya matlo ba ka feta masome a mararo go tswa kwa dikgaolong tsa bopalamente di le tlhano, ba segofetse morago ga go ema dingwaga di fera bobedi ba ntse ba lebile tsela go bilediwa dikopo tsa bone. Mme Sethono o ba tsibositse gore puso ga e kake ya emela tlhoka boikarabelo e e kana, mme ba ba dirang bosutlha le bosula jo, ba tlaa tseelwa dikgato tse di gagametseng. A re mo nakong eno motse o setse o na le ditsha tse di potietsweng di le sekete le makgolo a marataro, tse e tla reng morago ga khansele e sena go bona madi a go isa ditlamelo kwa go tsone, e bo e baya banni. Nako tsele tsa maloba go ise go tle bongaka jwa sekgowa, Batswana go ne go na le ka fa ba ikalafang ka teng fa ba lwala kgotsa ba golafetse, le go alafa leruo tota. Kgosi Sekai a re o itumedisiwa segolo bogolo ke go tlhongwa ga rre yo o tswang kwa sesoleng, yo o itseng ka boitshwaro gammogo le setho, a tlhalosa fa Barokologadi ba le lesego go nna le kgosana wa seemo seo. Fa a rola semmuso letsholo la Monna tia kwa Ghanzi bosheng, Rre Ngaka o boletse fa a tshwenngwa ke go golela pele ga dipalo tsa kgokgontsho ntswa maiteko a go e lwantsha a le teng. Mo nakong eo fa o le ngwana wa mosetsana o ne o tshwanelwa ke go thusa batsadi ba gago ka ditiro tsa lelwapa. O ne a a fa sekai ka gore ka nako ya ngalo ditiro ya babereki ba ne ba ithaopile ba thusa balwetse kwa kokelong. Fa a kgwa mothusa-tona kgaba, mongwe wa banni ba motse wa Jackalas 1, Rre Justice Majase o ngongoregile ka go tla thari ga diterekere kwa motseng wa bone, seemo se a boletseng fa se dira gore balemi ba siiwe ke bokgola. Mme Ndebele o ne a supa fa seemo seo se kukediwa ke gore mapodisi a motse oo ga a na koloi le fa e le ditsompelo tsa itshireletso tse ba ka di dirisang fa ba ka tlhaselwa ke banwi kwa dipotong. O ne a kgothatsa batsadi go sala morago tsotlhe tse di kwadilweng mo karateng ya ngwana le go netefatsa gore mekento le melemo e tsewa jaaka go tshwanetse. O akgoletse batho ba motse wa Mogotlho bopelotelele a re go a busetsa, mme o ba gakolotse gore ba tshware fela jalo ka motse wa bone o sa tswa go amogelwa ke goromente go nna motse ngogola. Ba re motse wa bone o na le dingwaga go sena diphetogo dipe tse di kalo mo go one ka dilelo tsa bone di sa reediwe. O tsweletse a re kagiso e e renang mo lefatsheng leno e file Motswana mongwe le mongwe seriti. Morafe wa Barolong o gakolotswe go ikaega ka ngwao, bogolo jang ya temo ka ba itsewe thata ka yone. O rotloeditse Batswana go ithekela dikoloi tse ba di bonang ka matlho le mo bathong ba ba nang le diteseletso tsa go rekisa dikoloi. A re go maleba mo nakong ya gompieno go lema dijo tse di bogadi bo gaufi jaaka dinawa ka seemo sa loapi se sa itsagale. Paka e e tlaa abelwa bana ba le 62 go tswa mo mephatong yotlhe ya sekole, go akarediwa le ba thuto e e faphegileng. Batsadi ba ne ba leboga barutabana go ba lemosa nako e sale teng fa go na le dingwe tse di sa tsamayeng sentle, ba re ke tshwaragano e ntle thata, ba gatelela ka gore lore lo ojwa lo sa le metsi. Jaaka batsadi ba sa bonale jaana, boeteledipele bo tshwanetse jwa tsenya leitlho go sekaseka gore a bana ba, ga ba nne ba le nosi. O tsweletse a bolela fa tlhotlhoetso e a neng a e fiwa ke batho ba motse e ne ya dira gore a tswelele ka tiro ya gagwe ya go betla dikika, metshe, ditilo le tse dingwe. Mme Toto o ne a kgala thata banana gore ba lese go ikaega fela ka puso gore ke yone e tla a ba thusang ka dinako tsotlhe, a kaya fa le bone ba tshwanetse go itirela ka diatla tsa bone go intsha mo lehumeng le go itlhamela mebereko. Ka jaana kgwebo le dikgwetlho ele di ya thoteng, Rre Thokwane le ene o kopane le le dikgwetlho mo kgwebong ya gagwe, jaaka go rutuntsha babereki ba gagwe ka go thusa bareki. O kopile puso gore e ba sekasekele gore dipolasi tse di ka thusa jang beng ba motse go na le go solegela molemo batho ba ba tswang go sele. Mogolwane wa baoki ba kgaolo eo Rre Cheneso Phiri yo o direlang kwa Lecheng, o tlhaloseditse Dr Somolekae gore ba tshwere ka natla go isa dithuto kwa setshabeng moso le moso pele ga ba simolodisa tiro ya letsatsi. Moruti Edwin Mophato o ne a gakolola setshaba gore ba ikgakologelwe ba thuse ba ba sa kgoneng gore le bone ba bone kagiso mopelong le gore dikereke tsa bone e nne dikereke tse di nang le thomo ka bonemaikaelelo a bone e le kereke ke go tlhakanela ikgaratlhelo ya botshelo le setshaba ba kopanetse seole puso. Col Motswagole o ne a supa gape fa ba diretse kokelwana ya motse oo tshingwana ya merogo. A re ditlhabololo tse di tsileng di ngotlile lefatshe la mafudiso kwaMedie le Kweneng. Rre Mabutho a re kwa sekoleng se segolwane sa Goshwe, o dumalane le bone gore ngwaga le ngwaga ka nako ya moletlo ya kabo dimpho o tlaa abela baithuti ba ba gaisitseng ba bangwe mo mephatong yotlhe P150 mongwe le mongwe. Ke gone ka moo Kgosi Hetanang a neng a ikuela mo morafeng wa gagwe go ikgapha mo mekgweng ya go nna jalo ka e ka ba senyetsa bokamoso. O rotloeditse gape gore barui ba rue dikgomo tsa mashi, a bolela fa mashi a tlhaela thata mo Botswana. A re gape ba bolotsa letsholo gore mongwe le mongwe yo o tlaa bong a batla go sega bojang o tshwanetse a ikopanye le bodiredi jwa lephata kwa dikgaolong tse ba tlaa bong ba batla go sega teng gore ba kgone go fiwa diteseletso. Mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso, a re maikaelelo a lephata la gagwe ke go simolola go atswa kana go duela dikgosana tsotlhe tsa tetlanyo mo ngwageng wa madi wa 2015/16. Bopaganang o ipelela dingwaga tse masome a mararo Mogolwane wa lebentlele la Choppies, Rre Ramachndran Ottapathu a re ba setse ba agetse batlhoki matlho a le masome a matlhano le botlhano. A re maitlamo a khamphani ya gagwe ke go godisa ngwana wa mosetsana mo kitsong ya maranyane mme gape ba ruta bana ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng mahala. A re sengwe sa dilo tse ba di lemogileng ke gore bana ba ba nang le bogole ga ba wetse dithuto, mabaka mangwe e le gore ga go na yo o tlhaloganyang puo ya bone. Ke kopa modulasetilo wa Umbrella PTA, Rre Sebolai, a tsosolose makgotla a di PTA gore ba tseye maikarabelo a go lemotsha batsadi boleng jwa thuto ya bana ba bone, Mma Morake a kopa. E rile fa a buisa phuthego ya kgotla ka bosheng molemisi mo motseng oo, Rre Poloko Osenotse a kgothatsa balemi go ya go baakanya masimo a bone ka go a epa disana le go thuba diolo tse a tlhalositseng fa di kgoreletsa kgolo ya dijalo. A re bokopano jwa mofuta o, bo tlaa thusa go arogana maele ka maikaelelo a go tokafatsa ditlamelo tsa thuto go lebeletswe go akaretsa ba-na-le bogole. A re selo se se ja nako e ntsi ka mosepele wa teng o le moleele. Rre Segadika o supa fa bagolo ba lefatshe leno ba ne ba kgona go emelelana le dikgwetlho tsa botshelo jwa nako eo ba dirisa matlapa mme botshelo bo tswelele pele fela sentle. Kgari o atla kamogano marapo Modulasetilo wa mokgatlho oo Mme Hildah Kavurase-Sedio, o tlhalositse mo potsolotsong gore mokgatlho wa bone o simolotse kgwedi ya Mopitlo e rogwa monongwaga. O ne a tlhalosa fa se e le sone sesupo tota fa batsadi ba ikemiseditse go lwantsha botlhoka tsebe le borukutlhi mo motseng. O tlhalositse gape fa bolwetse jwa letshoroma le jone bo le teng mo kgaolong ya Tswapong Bokone. Mothusa tona a re, mogare o tsweletse ka go kukela, ka batho ba tlogela go nwa dipilisi tsa diritibatsi ba tsaya gore ba fodile. A re tona wa temo-thuo o itse ka seemo sa bone ka a ne a ba solofeditse go rarabolola mathata a bone mme nako kgolo ke eno. Fa ba mo kgwa dikgaba, balemi ba supile fa ba itumeletse dithuto tseo, ka jaana ba ne ba sena kitso ka tlhokomelo ya ditshefi le bomosola jwa tsone ntswa ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le diji le mhero, mme ba solofetsa fa ba tlaa simolola go di dirisa. Mo diphuthegong tseo banni ba dibete le Bonwapitse ba rile le ntswa puso e na le mananeo a a ka tokafatsang matshelo a bone, sebe sa phiri ba ngongoregisiwa ke tiego ya go abela batho ditsha tsa masimo le dikgwebo ke makgotlana a kabo ditsha le tiego ya go abela batho dihutshane ka lenaneo la nyeletso lehuma. Mme Morotsi o buile seo mo phuthegong e e neng e tshwerwe ke lephata la bone le dikgosi, bogogi jwa motse le maphata a puso ka go farologana bosheng. A re setlhare se se anama motlhofo ka se jewa ke dipudi le ditonki mme se se raya gore se se ka tswa se aname mo sekgweng se se dikaganyeditseng motse ka diruiwa tseo di tsamaya gongwe le gongwe. Ba re metsi a botlhokwa go nosetsa dijwalo tse ba di lemelang leruo la bone mme ba kaya fa se se ka seke sa ba kgoba marapo go tsweledisa maikaelelo a bone. E rile fa a itebaganya le banni ba Bobirwa, Rre Seoko a tlhalosa fa go thapa motswakwa yo o se nang dipampiri tse di mo letlang go bereka le go nna mono e le molato o motho a ka o atlholelwang sekete sa dipula. Banni ba Masingwaneng kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba re ga robatswe ke ditholo tse di uputsang masimo a bone. Rre Gaoforwe o tlhalositse gore e re matshelo a batho a tlhabologa jaaka puso e eletsa, Batswana ba tshwanetse go nna le se ba ka se dirang go itshetsa gore ba tswe mo lehumeng. Puso e bile e tsweletse ka go dira ka gotlhe go tla ka mananeo a a ka rotloetsang katlego ya seelo se. Bagwebi ba ba rekisetsang mo mmarakeng wa motse wa Serowe ba bolela fa ba sa itumedisiwe ke go sa gokelelweng metsi mo mmarakeng oo. Mokhanselara wa Mokwena, Rre Atamelang Thaga a re sekole sa Grace Kgari se tlaa agelwa ntlo ya borutelo jwa bananyana mo mading a a filweng kgaolo ya bone. Arch bishop Mereyabone o kaile fa maikaelelo a bone e le go di goga kwa pele mo go supeng mowa wa kutlwelobotlhoko le lorato mo setshabeng gongwe le gongwe kwa ba kopanelang teng. Mokhanselara wa Kumakwane mme Winnie Cassim, o gakolotse ka botlhokwa jwa go rutuntsha makhanselara ka ditsamaiso tsa khanselele le boitshwaro jo bo solofelwang mo go bone pele ba ka simolola tiro ya go emela dikeletso tsa batlhophi ba bone. Kgosi o ne a fetisetsa ditanka tseo kwa Water Utilities Corporation (WUC) gore ke bone ba bone gore ba ka di isa kae ka ke bone ba itseng botoka gore letlhoko le le ntsi kae. Baithaopi ba le masome mabedi le boraro ba mokgatlho wa sefapaano se sehibidu ba rutuntshiwa ka go laola manokonoko a dibetso tsa tlholego kwa Lesoma mo kgaolong ya Chobe. Molomaganya lenaneo, Rre Alfred Kagisanyo o boletse fa lenaneo le atlegile fela thata e bile le ba tswela mosola ka dipotso tse baithuti ba di fiwang di itebagantse le thuto e ngwana a e rutilweng, ka jalo di bula tlhaloganyo ya moithuti mme ere fa a tla go kopana le ditlhatlhobo tsa makgaolakgang go nne motlhofo go araba. Mo go tse dingwe, banni ba Kgari, Masukwane le Pole ba ne ba ikuela mo pusong go dira sengwe go leka go namola batho mo leubeng ka go lebega monongwaga leuba le tlaa bo le shenne meno ka jaana lefatshe le kwakwaletse ntateng ya boutsana jwa pula. O tlhalositse fa mo motseng wa bone dituelo tsa batho ba batsenyang tereta di nna di saletse ko morago mme 0 se se dire gore e re le fa ba batlaba ba ka ba thusang ba se ba bone, ka ba kgobiwa marapo ke dituelo tse di tlangnako e ile. A re motse oo fa o simologa o ne o na le batho ba le masome mararo mme palo ya batho e a gola mme ga gona kwa ba katologelang teng. Fa a araba kgosi Mboma Diriro yo o neng a kopa go tlhalosediwa gore motho fa a na le ditsha lefatshe ka bophara o di kwadisa jang, Mme Mokete o ne a re: motho o tshwanetse a kwadisa ditsha tsa gagwe fela tsotlhe. E rile a bua le A re godimo ga ditlatlana o loga ditshelo, mebanki ya diaparo, dibeke tse di akgwang, dikgwama le tse dingwe. O tlhalositse gore ba nnile le bokopano le boeteledipele jwa lefatshe, batsaya karolo go tswa khutlong tsotlhe tsa Botswana mme ba lekodisana ka seemo se, le gone go lebelela dipaakanyo gore a ba na le didirisiwa tsotlhe tse di tlhokegang go lwantsha molelo fa o ka tlhagoga. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Kelathegile Kedidimetse o buile se a lekodisa phuthego ya kgotla kwa Lecheng bosheng. Fa ba akgela, banni ba ne ba supa fa dibuka tsa ikwadisetso ditlhopho di sa babalesega mme ba kopa ba ofisi ya ditlhopho go dira dithulaganyo le badirela-puso ba ba mo dikgaolong ka go farologana, ba a fa sekai ka bagokgo le mapodise gore e nne bone ba ba tshwarang dibuka tseo fa ba ba kwadisang ba golola maitseboa mangwe le mangwe. Mo bogompienong a re o setse ka dipodi di le 36 morago ga go rekisa di le 10 fa 19 e bolailwe ke bolwetse. Mme Jansen yo o tlwaelesegileng ka go bidiwa Mmakabo a re mmutla o le mongwe o kgona go tsala mebutlanyana e le lesome kana go feta foo, go tswa fela gore o e tlhokomela jang. A re diphetogo dingwe le dingwe tse disha di tla ka bothata jwa tsone, e bile go se motlhofo go ka amogelwa ka go na le se batho ba abong ba ntse ba se tlwaetse, mme ba ikgatholose bomolemo jwa sesha. O lebogetse lephata la temo- thuo le la banana go bo ba ba eme nokeng thata mo go lemeng le go itlhabolola. Fa a tswa la gagwe modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana kwa sekoleng seo, Mme Peolane Modisaotsile, o gwetlhile batsadi go tswelela ka go thusana le barutabana, a tlhalosa fa mabogo dinku a thebana. O kgadile a sa kgwe mathe mokgwa wa batsadi ba ba sa kaeleng bana tsela e e siameng ya botshelo, a supa fa go swabisa gore motsadi e re a itse fa a ise a rekele ngwana mogala wa letheka e bo e re a mmona a o tshotse go bo go sa mo tshwenye go mmotsa kwa a o tsayang teng. A re ba ntse ba se emele dikeletso tsa batlhophi ba bone sentle ka gantsi ba tlamega go itebaganya le dikgang tse di mo pegong ya modulasetilo. A re ditsamaiso dingwe tse di dirwang di a fatlha, ka go na le bangwe ba ba fiwang mananeo ntswa ba na le bokgoni jwa go ka itirela go tlogela ba ba amilweng thata ke lehuma. A re tlhwatlhwa ya diteemane mo matshelong a Batswana le mo go tlhabololeng lefatshe leno ke e kgolo, ka jalo ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe go lwantsha bogodu jwa tsone. Tshekatsheko mo tshekong e mo go yone monna yoo amegang mo metseletselng ya dikgang tsa bogodu jwa leruo di le tlhano, Tshepiso Zulu wa kgotla ya Borakalalo kwa Molepololeng e tla rolwa ke Mmakaseterata Ike Raphael ka Labotlhano. Kgosi Radipitse a re gongwe thobo e ba e boneng ngwaga ono ke ya bofelo ka gore batho ba setse ba tshaba go nna kwa masimo go leta dijwalo tsa bone ka ntlha ya go kgokgontshiwa ke bana ba motse. Rre Maele o rile ere ka dipula tsa gompieno dina ka boutsana e bile Batswana ba tlhaelelwa ke di dirisiwa tsa temo jaaka diterekere, megoma, dipolantara gammogo le go tlhaelelwa ke lefatshe, batho bangwe ba tsaya seo ele seipatlo sa go gana go lema ntswa motho mongwe le mongwe a beile botshelo jwa gagwe mo dijong. Ba-na-le-bogole kwa kgaolong ya Ghanzi ba kopilwe go inaakanya le mananeo a puso go dira dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone gona le go baya mo batsading le puso. O tlhalositse fa UCCSA e bonwa mo mafatshing a le matlhano mo borwa jwa Aferika, ebong Botswana, Mozambique, Namibia, South Africa le Zimbabwe, fa ntlo kgolo e le kwa South Africa. A bolela fa barutabana ba na le nako e ntsi le bana ba dikole, ka jalo ba na le seabe mo kgodisong ya bone, ka jalo ba tshwanetse go dira seemo se se rotloetsang bana go ithuta sentle le go ema batsadi nokeng mo dithutong tsa bana, bogolo jang ka dikgang tse di amanang le tiriso ya bojalwa le diritibatsi. Banni ba Mogome ba ne ba re go sa wediwa ga kago ya ntlo ya molemisi go ba beile ka fa mosing ka ba sa kgone go tlhatlhoba dikgomo sa bone fa ba batla go pega. O thalositse fa seruiwa se ne se tlhajwa thobega fela jaaka motho, mme pharologanyo e ne e le gore se ne se direlwa kwa sakeng, go epilwe mosima go direla mo teng, mme morago o katelwe gore diruiwa tse dingwe di seka tsa gata. O ne a supa fa kgwebo e simolotse e dira sentle mo mmerakeng ka a ne a na le bareki ba ba popota le fa gompieno e wetse tlase ka ntlha ya go tlhoka go ipapatsa sentle. Balwetse bao ba mongwe wa bone a tlholegenang kwa lefatsheng la Zimbabwe ba akgoletse ba sepodise sa Botswana go ba abela dimpho tsa maungo le madi a neng a kgobokantswe ke mapodise a pharakano a neng e tsene dithutopuisano tsa malatsi a mabedi mo Mahalapye. Se, se boletswe bosheng ke modulasetilo wa setlhopha seo Rre Sydney Magagane kwa phuthegong ya go lekodisa balatedi ka seemo sa setlhopha le go betla tsela go ya pele. O ba kopile go rekisa dikgomo tsa bone a supa fa sebe sa phiri e le bogodu ja dikgomo jo ba sepodisi ba supang fa bo golela pele. O tsene mo nyalong e e boitshepo le moswi Josephine Thekiso ka ngwaga wa 1955 jalo o tlogela bana ba le bane, mosadi, bommonawe ba le bane, bana ba bana ba le 24 le ditlogolwana di le 19. O nle a supa gore mo Serowe o abetse sekole se sebotlana sa Motetshwane ka segolo bogolo a lebile gore se na le bana ba ba nang le bogole. Batsadi ba Takatokwane ba emetse thuto ka dinao Fa ba mo kgwa dikgaba, badiri ba maphata a a farologanyeng ba ne ba dumalana le modulasetilo fa bontsi go lebega bo santse bo tlhokana le thuto e e tseneletseng ka mananeo a a leng teng a puso a a itebagantseng le go tokafatsa matshelo a bone. Morago ga go simolodisa lenaneno la 'home remedial' kwa sekoleng se se botlana sa Makolo, mogokgo o bolela fa le ntsha maduo a mantle fela thata. Mothusatona Rre Van Der Westruihuizen o ne a itlama go thusa ka mpho ya go ba rekela dikhethene tsa ofisi ya ofisi ya kgotla ya Maubelo. Rre Molale o buile jaana, kwa Childline Botswana kwa ba ba direlang ka fa tlase ga ofisi ya ga Tautona ba neng ba lema merogo teng, ka Labotlhano (21/11/2014). Mme Samakha o tlhalositse fa go bopiwa ga nkgo go dibelwa fela jaaka botsetsi, ga go tsene makgarejwana go fitlhela e fetswa. A re fa go ka nna le thuto-puisanyo le go tshwara ditshupo tsa thuto mo Artesia gongwe bana ba ka nna le kgatlhego ya go tsaya thuto ka tlhoafalo ka jaanong ba ka lemoga boleng jwa yone. Mme le fa go ntse jalo, banni ba ne ba kopa puso gore sekole sa bone se sebotlana se atolosiwe go ya kwa lokwalong lwa bosupa ka jaana sekole se ruta go ema ka lokwalo lwa bobedi. Rre Hayman o ne a tswelela a tlhalosetsa tautona gore fa ba tsena mo motsaneng o, go ne go sena sepe sa ditlhabololo tse di tshwanang le sekole, kokelwana le fa ele tsone tota ditirelo tsa sepodise. O ne a eletsa fa Molaodi le ba ofisi ya Nyeletso Lehuma ba ka thusa ba ba thusitsweng ka dikoko go fiwa dijo tsa dikoko dikgwedinyana ka ba babalelwa ke ditlhwatlhwa tsa dijo. Kgosana Jack Molaoeng le ene o ne a akgola kereke ya St John a re go molemo go bona motho a dira tiro e ntle go na le yo o dirang ditiro tsa borukutlhi a ba a gwetlha banana go tsaya malebela. O boletse gape gore go na le balemi-barui bangwe ba ba tsayang bana ba ba isa kwa merakeng go ba disetsa bogolo jang ba batsadi ba bone ba tlhokang, a re selo seo ke molato ebile go rontsha ngwana thuto. A re e le ba botsogo, ba ikaelela go tswala phatlha e e ntseng e le teng ka go neela bana tsotlhe tse ba di tlhokang tsa botsogo. A re maikaelelo a thuto-puisanyo eo ke go leka go ritibatsa seemo sa borukutlhi jo bo ileng magoletsa mo motseng o ka e bile e le motse o motona. Mo potsolosong le BOPA, Mme Samakha yo e bileng e le modulasetilo wa A re Itsoseng Bagolo Pottery, kwa Kgotleng ya Phokela kwa Serowe a re ke bangwe ba ba tsibogetseng lenaneo la thutho ga e golelwe mme ba direla mo lwapeng. Rre Pagiwa o tlhalositse fa se se ba itumedisitseng le go feta ka bana ba lokwalo lwa bosupa e le go bo ba ne ba tsena sekole sentle, mme a supa fa seo se kgonagatse ka mabaka a gore batsadi ba lemotsha bana ka bomosola jwa thuto, mme a kaya fa kemonokeng eo e thusa fela thata. O ne a ba kopa go dira le ene sentle gore ba tle ba tsweledise tse di amang kgotla ya bone, a re o tla ba reetsa ka nako tsotlhe, mme a kope thuso fa a sa kgoneng teng. O gateletse gore bojalwa le diritibatsi ga di tsamaelane ka jalo a kopa badiri ba botsogo le setshaba ka kakaretso go tshwaragana mo go lwantsheng tiriso botlhatswa ya nnotagi. E re go ntse jalo, kgosi a re Batswana ga ba tlhole ba itse diane le meila ya Setswana, e bile dibuka tse neng di ka thusa le tsone di kwalwa ka sekgoa. A re gore go bo go rena kagiso mo lefatsheng ke puso ya BDP, e bontsi jwa mafatshe bo e meletsang mathe. O tsweletse ka go tlhalosa fa maitsholo mangwe a a duleng mo tseleng a tshwana le dintwa mo motseng di diragala ka lebaka la go sa saleng melao ya khansele morago ke beng ba dibara. A re le bone ele lephata ba itemogetse gore batho ba kgaolo eo go gontsi mo ba tlhokanag le go thusiwa ka gone go tshwa le go tsisediwa balemisi ba ba lekaneng mme are puso e dira gotlhe mo eka go dira go bona gore balemi ga ba tlgelwa ka fa mosing. Mo potsolotsong le lekalana la BOPA mogakolodi kwa mokgatlhong oo, Mme Valentine Tendani, o tlhalositse fa go santse go le thata gore bone ba ba amiwang ke kgokgontsho ba tle go ikuela ka ba tlhajwa ke ditlhong tsa gore ka moso setshaba se tla ba leba e le batho ba ba ntseng jang ba bas a sisimogeng go baa mathata a bone mo mpaananeng go itsiwe ke setshaba. Rre Senai a re ditlamelo tsa phatlalatso ya metsi di turu, ka jalo go botlhokwa gore ba ba kgonang ba tswelele ka go duela dikoloto go ba kgontsha tiro. Banni ba kgotla ya Mongala kwa Kanye ba ngongorega ka go dutla ga diphaephe le dipompo le mororo ba begela ba koporase ya metsi ya Water Utilities mme go se nko e e tswang lemina go di baakanya. Mopalamente Rre Lelatisitswe one a ba kgwa dikgaba a tlhalosa fa kgang ya go ba fudusetsa kwa landboard ya Letlhakane ba tswa kwa Marapong ene diilwe ke gofetolwa ga melolwane a re kgang ya teng e wetse mme e tla rolwa kwa Khanseleng ee tlang. Rre Solomon o ne a tswelela a tlhalosa gape gore ba ne ba tsaya tshwetso ya go rua dipodi go na le dikgomo morago ga go lemoga kwelotlase ya ditlhwatlhwa kwa mebarakeng. Kgosi Sue Mosinyi o supile fa morafe wa gagwe o lebaganwe ke kgwetlho e tona ya letlhoko la metsi. O lebogotse lenaneo la temo thuo la ISPAAD ka jaana le thusitse Batswana ka kakaretso ka bontsi bo itemela go itirela dijo. Dipalo tsa kgokgontsho ya bong di golela pele bosigo le motshegare. A re selo se, se imetsa barutabana mokgweleo ka ba tshwanelwa ke go rwala maikarabelo a botsadi gammogo le a borutabana jalo a gwetlha batsadi go tsibogela thuto ya bana ba bone.BOKHUTLO Go itela kobo moroko mo go seo molemi mongwe mo wa motse wa Omaweneno Rre Osenoneno are dinku tsa gagwe di dikile di tsenemo masimong aga Rre Marutshe mme tsa fetsa beke gone foo ka bane ba sa kgone go tsena baya go di ntsha ka ntlaha ya go tshaba sera se. A re fa e sale ngwaga o simologa ba bone baikuedi ba le supa mme e bile o dumela fa go nale ba ba santseng ba tla ikatumetsa. Fa a akgela kwa phuthegong ya kgotla ya modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Dick Busang o ne a re mapodisi a tsweletse ka go rotloetsa morafe go ikgolaganya le dikomiti tsa twantsho borukhuthi go fema borukhutlhi. O rotloeditse badiri ba lephata la bong go pepetletsa ba ba filweng mananeo gore a seka a phutlhama. Se tshwarwa ke ntsa pedi... Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mosinki gaufi le Molepolole, Mme Tebalo Nchoko a re banni ba koo ba lebogela go menagane lenaneo la go isetsa bana ba bone ba babotlana thuto. Pego ya mmuso e tswelela e tlhalosa gore ka maikaelelo a go tswelela ka go tokafatsa mabaka a pereko a bodirelapuso, dikatso tsa bodiredi jwa booki tsa 30 percent tsa go dira lobaka lo lo leele morago ga dinako tsa tiro Pego e tswelela e re dikatso tsa go dirisa koloi ya mong mo tirong di tla tlhatlosiwa ka 4 percent mo kilomithareng mo godimo ga 30 percent yo o tsentsweng ka kgwedi ya Ngwanatsele 2013. O ile gape a re ba tshwanetse go nna le letlole la morafe gore ba kgone go supa go tsena le go tswa ga madi le gone go itsa go tlhakatlhakanya madi a bone le a setshaba. Mongwe wa batsadi, Mme Selogile Mandelo o tlhalositse fa bontsi jwa baithuti bo ima ka malatsi a boitapoloso, ka jalo a gwetlha batsadi go ela metsamao ya bana tlhoko, segolo jang ka nako ya fa dikole di tswetswe. Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa Letlhakeng/ Lephepe Rre Liakat Kablay fa a buisa phuthego kwa Botlhapatlou bosheng. Mapodisi a Gumare a tlhotlhomisa ditiragalo tse mo go tsone makawana a le mabedi a ikgapetseng botshelo bosheng. Rre Motlaleng o ne a akgolakomiti ya ditlhabololo tsa motse wa Mmatshumo,magosi le ba komiti ya botsogo gobo ba tsweletse ka go ruta setshaba ka botlhokwa jwa tshomarelo ya tikologo. Fa a bua mo potsolotsong, moemedi wa setlhopha seo, Rre Ogorogile Keitsetse o ne a supa fa botsala ja bone le Gender Affairs bo simologile ka ngwaga wa 2015. Banni ba buile jalo bosheng mo phuthegong e neng e buisiwa ke mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile, yo o neng a ba lekodisa ka tsa palamente e e fetileng. Fa a ema morafe ka lefoko Kgosi Mokhutshwane Sekgoma one are o lebogela gore abo ba bone gole botlhokwa gore ba tlise bonnye jo ba bo boneng kwa kgosing ka seo se supa fa ba leboga badimo gore a bo ba ba hile thobo ee nametsang monongwaga. O tlhalositse fa ditiro tse di ntseng jaana di ka ba tsisa gaufi le setshaba. Ke tshwenyegile ke tiriso ya bojalwa mo batsading. Mookamela motlobo wa dibuka gone mo Maunatlala Rre Morning Nkepe o boletse fa ba gagamaditse molao ba netefatsa fa pampiri ya dikgang e balelwa mo motlobong wa dibuka e sa tswele kwa ntle go fa ba bangwe sebaka sa go tla go e bala. Rre Ogotseng a re bogogi bo batla ofisi ya bong kwa Rakops. Lephata le abela masiela Rre Manjeya yo e leng mogwebi mo Tsabong o ne a kgothatsa le yone komiti e ntsha e e tlhophilweng go dira ka natla le go nna le mowa wa boithaopo le lorato ka seo se ka ba kgontsha go dira ditlhabololo tse di ka godisang le go isa sekole seo kwa pele. O ile a re setshaba se ba bitsa magodu, ka mongwe le mongwe a kgona go ipitsa morongwa wa makgotla a ditsheko. E rile a ba kgwa dikgaba modulasetilo wa komiti ya temo-thuo, lefatshe le bonno, Rre Ngaka Ngaka a re o dumalana le bone gore go tlhoka lefatshe go busetsa ditlhabololo kwa morago e bile go ka tsenya batho lehuma. Mme Seipone Gare wa Shorobe mo kgaolong ya Nhabe o itshetsa ka go loga ditlatlana ka go kopanya mokolone le sekhakha. Kgosi o gwetlhile Batswana go sireletsa sengwe le sengwe se ba se bonang mo mafelo a a sa tlwaelesegang go etelwa ke batho ka go bo se ka solegela lefatshe molemo mo isagong. A re o dumela fa le mo khanseleng ya bone o ka bereka ka jaana o tlaa fa bakaulengwe go buisanya ka matshwenyego a batlhophi ba dikgaolo tsa bone. O ne a tswelela a bolela fa ba isitse setopo seo kwa setsidifatsing sa Kagiso go leta go tlhatlhojwa ke ba bongaka. Rre Morwe o ne a itsise bakgweetsi ka boranyane jo bosha (FTMMS) jo bo tla tsenngwang mo dikoloing tsa puso go laola mosepele o ba o tsamyang fa ba le mo tirong a supa fa seo se tla thusa gore di dirisiwe ka fa go tshwanetseng ka teng. Ka nako ya sekole ke dirisa inthanete go lebelela ditshwantsho tsa botaki tse di nthusang gore ke tswelele ka go gola ka tiro ya botaki, a tlhalosa jalo. O tlhalositse gore bokopano joo bo na le dingwaga di feta lesome bo ntse bo tshwarwa ke kereke ya bone, ka jalo a re bo file bomme sebaka sa go buisana ka go tokafatsa matshelo a bone ga mmogo le go tsaya malebela mo go ba bangwe ka go abelana maele. Fa a bua mo bokopanong le banana kwa dikgotleng tsa metse eo bosheng, modulasetilo wa lekgotla leo, Dr Kelone Khudu-Peterson o supile fa lekgotla la bone le itlamile go ruta banana segolo jang ba metse e e kgakala le ditlamelo gammogo le metse selegae ka dithuto tsa ditiro tsa diatla di akaretsa go roka le go ba tlhatlhelela ka fa kgwebo e tsamaisiwang ka teng le maele a go ipatlela mmaraka. Rre Keatshabe o ne a supa fa diofisi tsa lekalana leo di le mo mafelong a supa, ebong Kanye, Kang,Maun,Francistown,Palapye, Gumare le Gaborone, a tlhalosa fa ba dirile seo ka maikaelelo a go atumetsa maloko ditirelo. O ne a tswelela a tlhalosa fa e rile go tswa mo kiribaneng eo, kgwebo ya gagwe ya tlhatloga mme a kgona go reka kolotsana ee rekisetsang dijo. Mothusa modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Letlhakeng, Mme Tshoganetso Gabotlhakanelwe, a tlhalosa fa maikaelelo a leeto la bone e ne e le go tla go tsaya megopolo le go kopa dikgakololo. Moanamisa mafoko wa khansele potlana ya Serowe, Rre Onkabetse Ntwe, o tlhalositse mo potsolosong fa go santse go sekasekwa gore badiri ba ka theogela jang. Bontsi jwa makhanselera a kgaolo-potlana ya PAA ba buile jalo mo mafokong a bone fa ba akgela mo puong ya pulo semmuso ya setlha sa ntlha sa ngwaga ya khansele e ba neng ba e beilwe pele ke modulasetilo, Rre Lesedi Phuthego. A re puso e dumela thata mo dikerekeng ka jalo fa makgotla a a eteletseng dikereke a isa boikuelo bope jo bo amanang le dikereke, puso e a ba amogela e ba reetse e bo e sekaseke ikuelo ya bone. A re ka maikaelelo e ne e le go itshimolodisetsa kgwebo, ba ne ba tsenya marapo dinameng go anya mo go Mme Twins. A re fa go sena yo o tlhokometseng go neela magodu sebaka sa go utswa ba le kwa ga mothakga, ka ba itse fa go sena yo o ba bonang. O ikobe fa pele ga Barokologadi ka ke bone ba ka go rwalang ka magetla kgotsa ba ka go digang fa o sa batshware sentle. Mogokgo o tlhalositse fa puso e dirisa madi a mantsi go reka dibuka tsa bana le didirisiwa tse dingwe tsa thuto, ka jalo batsadi ba tshwanetse ba thusa. A re le ntswa go sa ntse go na le bangwe ba ba palo potlana ba ba sa ntseng ba akanya fa thuto ya bana e le mo diatleng tsa barutabana ka go itlhokomolosa go tsenelela diphuthego tsa batsadi le barutabana, mme gone bontsi bo iketeile ka thupana go rotloetsa bana le gone go ba ruta boitsholo jo bo eletsegang mo setshabeng. Thotloetso e dirilwe ke Rre Andrew Rietz wa Mc’Carthy’s Rust kwa kgaolong ya Kgalagadi bosheng. Rre Mochanang ene o tlhalositse fa seabe sa ga Rre Nkgowe mo go kabakanyeng itsholelo ya lefatshe leno se bonwa ke mang le mang. Morulaganyi wa tsa komiti ya setlhopha sa Marulamantsi FC, Rre Lebani Makosha o tlhalositse fa moraka wa Marulamamntsi o tlwaelesegile ka dintwa, dipolaano le borukutlhi ka go farologana ka go nowa thata majalwa a setso a a dirwang mo malwapeng. Kereke ya Galalea e abela batlhoki Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi o tlhaloseditse morafe wa Maun fa kopo ya bone ya go ka tlhoma Rre Bringle Dithapo go nna mothusa kgosi kgolo e atlegile. Mo go tse dingwe o ne a supa fa mo kgaolong ya Kgalagadi bokone seemo sa mogare se le mo go 13.3 per cent mme ba gatisitse dipalo tse disha tsa ba ba tsenweng ke mogare ngwaga o o fetileng ba le lekgolo le masome a mabedi le boraro. Kwa tirelong eo, baruti ka go farologana, ba ne ba ema ka dinao go rapelela kgaolo ga mmogo le gone go kgothatsa botlhe b a ba neng ba tseneletse thapelo go tswelela ba rapela, go nna le tumelo le tshepho ya gore Modimo o tla babalela bao ba ba tsayang mosepele o mo leele ka malatsi a paseka. A re ba na le ntlha e nngwe ya go rutuntsha batho ka tiriso ya madi, morago ga go lemoga fa bontsi jwa Batswana ba jela fela mo ganong ba sa itse go a dirisa le gone go a boloka. O ne a bolela fa dikoloi tse di rwalang matlakala di feta masome a mabedi di ne tsa ema go feta dioura di ka nna nne, a tlatsa ka go re ga ba batle seemo se o ka gore batho ba ka felela ba itlhoboga ba bo ba tshololela se ba se rweleng ko ntle ga lehuti. Rre Keatewa a re e le ba komiti ba bone go le botlhokwa go supa setshwantsho se ka ba ne ba lemogile fa Batswana ka bontsi ba sa tlhaloganye sepe ka botshelo jwa ga Sir Seretse Khama le mohumagadi wa gagwe. Mme Ramatu yo e bileng ele modulasetilo wa komiti ya ipabalelo tseleng kwa kgaolong potlana ya Mahalapye, o ne a tlanyatlanyetsa batsena phuthego eo fa komiti ya gagwe e tla ya go sekaseka seemo sa ditsela tsa motse wa Mahalaopye le Shoshong kgwedi eno e tlhola malatsi ale matlhano, go bona gore a di mo seemong se se siametseng go dirisiwa ke dipalamo. A re e botlhokwa ka e ka boloka botshelo jwa yo o amegileng pele ga thuso e o ka e bonang kwa sepateleng. Tautona o ne a buisa phuthego ya kgotla mo motsaneng wa Qabo gone ka Laboraro oo, a bo a ora molelo le bagolwane ba motse. A re komiti eo, e bopilwe ka bodirela puso bo akaretsa mogokgo, mooki, molemisi, ba boipelego le ba bangwe. Rre Ngaka o kgothaditse babereki go dira ka boineelo le bopelotelele. A re CEDA e tlaa abela sekole seo motshine o o ntsifatsang dipampiri le dibala-makgolo di le some, a tlhalosa fa e le tse di kileng tsa dirisiwa, mme di tlaa shafadiwa pele ga di neelwa sekole seo. Mongwe wa bagwebi ba ba itshetsang ka go phutha matlakala, Rre Edward Serobi a re go tlhagoga ga molelo go mo amile thata ka jaana a sale a tsene ka nako ya lesome le motso, mme a kgonne go tsena mo lehuting morago ga nako ya boraro mo tshokologong ka jaana lehuti le ne le tswetswe ka nakwana. Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo, molomaganya ditiro tsa lephata la banana, metshameko le ngwao mo Kgalagadi, Mme Malebogo Mosala o ne a tlhlaosa fa dikgaisano tseo di diragala ngwaga le ngwaga . O supile fa go dira jalo e le tshenyetso setshaba ka a re puso e dirisa didikadike tsa madi go gatisa pampiri e. Pula eo ya matlakadibe e rutlolotse matlo, ya diga ditlhare ya ba ya tlogela digalase tsa dikoloi di thubegile. Mme yoo o ne a tlhalosetsa ba sepodisi fa rre yoo a ne a supa fa a sa itumedisiwe ke kgaogano ya bone mme e bile a kopa wa mme go busa pelo gore ba kgone go tswelela ka lerato la bone. Rre Mereyabone o ne a leboga badiri ba makgotla a setswana mo Tsabong le Maubelo morafe le setshaba ka kakaretso ka tshwaragano le tirisano mmogo a ba a ba kopa go tswelela ba dira jalo lemo nakong ee tlang. Godisang Sowa - Morupisi Rre Molefhe gape ere ntswa go builwe ka botlhokwa jwa tonki le gore e bogadi bogaufi, o kopile puso go bua le makalana a kadimiso ya madi gore le bone ba bone botlhokwa jo ka jaana ene erile fa a simolola go rekisa nama ya tonki go ne go sena banka epe kgotsa lekalana lepe la tsa madi tse di mothusitseng ka jaana ba ne ba sa akanye fa tonki e ka nna le mosola. Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye, o kopile morafe wa gagwe go ipaakanyetsa meletlo ya boipuso jwa monongwaga le go amogela molelo wa kgolagano o o tlaa gorogang mo motsing wa bone kgwedi ya Seetebosigo e le masome a mabedi le boferabobedi. A re batho bao gape ba fiwa dithuso tsa tshidilo maikutlo, a supa fa thuso ya bonno jwa nakwana yone e bonwa kwa lekalaneng la mokgatlho wa bone le le kwa Gaborone. Mme Lekolori a re se sengwe se se mo thusang gore theko ya kgwebo ya gagwe e elele jaaka motswedi wa metsi a a monate ke gore o tsoga makuku a matona go kgotsofatsa bareki ba dibete tsa bone di batlang diyamaleng go sale maphakela le ise le tlhabe. A re ntswa borre ba tlwaelesegile ka kgokgontsho, bomme bangwe le bone ba kgokgontsha borre bogolo jang ka dipuo tse di gogomosang maikutlo. Police college e a aba Rre Tese o kgadile a sa kgwe mathe, batsadi ba a reng ba bua barutabana leswe, ka a re puo nngwe le nngwe e bana ba e utlwang, ba a e dumela mme ba e tseele le mo dithutong tsa bone. E re dikgang di eme jalo, Tautona o ne a supa fa mo dikgweding tse di tlang, puso e tla dira ditshekatsheko ka mananeo a a lebaganeng le ba-na-le-bogole gore le bone ba kgone go thusiwa ka mananeo a a ba lebaganeng. Rre Seretse a re go tsile go nna le dithuto puisano tsa ba na le seabe e le tsela ya gore lephata la gagwe le atlege mo twantshong bogodu ja leruo. A re se gape se tla dira gore matshelo a bone a salele kwa morago ka jaana ba tla tlhoka kitso ya gore ba ka a tokafatsa jang. O boletse fa puso e atolotse letsogo ka go fa banana sebaka sa go inaakanya le tsa bodiragatsi jaaka meopelo le poko ba bo ba atswiwa. Fa a bodeiwa gore ke eng se se okelang bareki kwa kgwebong ya gagwe, o tlhalositse gore o ntsha ga tshwene fa a apaya, a re o tswakanya dijo ka mokgwa o o tlaa natefelelang bareki mme ebile ba ka seke ba lebale monate wa teng. A re mongwe le mongwe o tshwanetse go bereka ka mashetla le go bona gore tiro ya puso e nna le maduo a a eletsegang. Lephata le tlodisa setlhopha melatswana O boletse fa bontsi jwa borukutlhi bo dirwa thata ke ba lotso lwa Zimbabwe, mme ka jalo a kopa morafe ka kakaretso gore pele ga go thapa badiri mo malwapeng, mhiri o tshwanetse go netefatsa le go tlhomamisa gore ga a thape dirukutlhi tse di ka tsogang di mo amogile dithoto mme ba tsene ka lenga la seloko. Rre Nkunda o tlhalositse fa monongwaga go sena go nna le dipampitshana (coupons) tse di tsewang ke dikhamphani tsa Batswana go phakisa balemi dipeo. Kgotla ya Tati Siding e ne e penologa mo bosheng fa morafe wa koo one o tsile go lebogela pula. A re metse ya Diloro, Kgagodi le Mogapinyana e akotse dithuso tsa African Development Fund. Rre Elias a re go supagetse fa mashi a lebele a le botlhokwa thata mo kgodisong ya ngwana. Ba lekalana la dikgotla tsa Setswana go tswa Serowe ka fa tlase ga lephata la puso selegae, ba emetswe ke mothusa kgosi wa ga Mmangwato, Kgosi Serogola Seretse ba ne ba kopane kwa Lesenepole bosheng go ya go kopa leina la yo o ka nnang kgosi, go imolola kgosi wa Maunatlala, Kgosi Phoophoo Mapena yo o ntseng a tlhokometse motse oo. A re dikgwebo tse di potlana di supile fa di di goga ko pele mo dikgwebong ka bontsi bo inaakantse le tsone, ka jalo Batswana ba tshwanetse go di tsaya ka tlhwaafalo. E rile a lemoga fa dithupana tse tsa morogo di ka mo tswa mosola e bile di ka fokotsa theko ya nama mo lapeng, mme Leburu a simolola go segelela, go anega le go ipolokela dithupana tsa morogo ka 2016. Ba ne ba agela bana ba sekole sa bananyana loobo, ba jala ditlhare mo sekoleng seo le go se ntlafatsa ka go penta fa bana ba tshamekelang teng. Rre Kabisa a re nako dingwe ba bitsa ba lephata la diphologolo gore ba tle go di koba. O tsweletse ka gore le bone ba nne mo seemong sa gore ba itse gore mmino o ga se wa bone ka ba o kopile kwa merafeng e mengwe. O boletse fa mogopolo o ka bereka ka jaana batla nna le nako e ntsi ya go bua ka dikgang tsa kgaolo a tlatsa kwa gore kwa dikahnseleng tse dingwe jaaka ya legare o a ba berekela. A re Barclays ke nngwe ya makalana a a buseditseng go le gontsi mo setshabeng ka ditsela tsotlhe tse ba ka di kgonang, a supa fa ba sa itebaganye le go aba fela. O tlhalosiste gore ka nako ya fa matlhophelo a bulwa, Rre Kaodimba ke mongwe wa ba ba neng ba fodile mola wa go tlhopha mme e le mongwe wa ba ba neng ba tsile morago ga gagwe. Rre Chose o ne a bolela fa ba ne ba tsaya tshwetso ya go mothankgola mo setilong ka ba ka seke ba etelelwe pele ke mokoko, gape e le bone ba ba palo ntsi mo khanseleng. Fa a amogela baeng, Kgosi Segale Letshele wa kgotla ya Peleng, o akgoletse morafe go tsena phuthego ka bontsi gore ba itseele tse di molemo go tswa mo maphateng. O tsweletse a kopa dithuso mo setshabeng ka kakaretso le kemo nokeng gore mo motseng ba nne le baithaopi ba popota. Kgosi Moeti Monyemana yo o e leng leloko la Ntlo ya Dikgosi go tswa Kgalagadi Bokone o rotloeditse dikgosi le magosana go tsenya letsogo mo dithutong tsa bana. O tsweletse ka go kgothatsa batsadi gore ba rute bana gore pina e, e tlhokana le tshisibalo fa e opelwa, e bile go se motho ope yo o sutang. Dr Tombale o tlhalositse fa seabe sa matlhabelo a BMC mo go lwantsheng bogodu jwa leruo e le go rotloetsa moono wa puso ka go netefatsa gore kgomo e e tsenang ka matlhabelo ke e e tlhomamisegang e bile e sena selabe sepe. E ne e rile pele Kgosi Dereck Xlau wa Qabo a batla tlhaloso gore madi a ditlhabololo a bereka jang e bile a tswa morago ga dingwaga tse kae. Fa a bua ka dikgang tsa bojalwa, Mme Matseka o ne a tlhagisa banni gore bogogi ba motse wa Serowe le lefatshe ka kakaretso botshwenngwa ke ka fa go dirisiwang nno tagi phetelela ka teng. E rile a araba Tautona Khama o ne a solofetsa kgosi gore e tla re ka mosupologo ba sekaseke dikgang tsa gagwe mme batla bona gore ba mo thusang jang mo go tsone. Rre Rapson o pakile gore fa temo-thuo e ka tsewa ka tlhoafalo e ka nna le bokgoni go namola Batswana ka kakaretso mo lehumeng le le tseneletseng. O ne a gatelela ka go re tshwaragano fa gare ga batsadi le barutabana ke yone konokono, e bontlha bongwe jwa yone e leng go tsena diphuthego tsa lekgotla la batsadi le barutabana. O supile fa a kile a tsenelela dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona ka ngwaga wa 2015, mme a ne a kgona go tsaya maemo a bobedi mo kgaolong, le fa a ne a sa dira sentle kwa legatong le le kwa pele. Ba supile fa ka thuso ya lenaneo le ba itshimololetse dikgwebo tse ba rurifatsang fa di na le seabe se segolo mo go tswakanyeng itsholelo ya lefatshe leno le go tlhama diphatlha tsa mebereko. O roletse hutshe dikomiti tse di farologaneng tsa motse oo go bo di ba eme nokeng jaaka ba baakanyetsa tiro eo ya mokatakata, a akgola segolo bogolo badirelapuso ba ba direlang mo motseng wa bone go bo ba sa ikgogone mo go baakanyetseng tiro eo. Rre Senai o tlhalositse jalo a lekodisa setshaba ka maiteko a a dirwang ke ba koporase ya metsi ka metswedi ya dikgang mo tshokologong ya Moranang a tlhola lesome le borataro gore puso e tsere tshwetso ya gore ba ba neng ba kgaoletswe metsi ka mabaka a gore ba a kolota ba gokelelwe gore ba seka ba tlhoka metsi mo nakong e e thata ya go laola kanamo ya mogare wa corona. Rre Tsela a re tsotlhe tse di neng di rulagantswe gore di tlaa diragala mo moletlong oo, di ne tsa tsamaya ka thelelo. Palo e e kwa tlase e ama dikgwebo Mooki mogolo kwa kokelwana eo, Mme Keitumetse Motsholapheko, o ne a gwetlha batsadi go tsaya tsia dithuto ka tsa botsogo. Mme Mogomotsi o tsweletse a re barongwa ba ya go nna le dikarata tse ba tshwanetseng go itshupa ka tsone go fokotsa dingongorego tsa setshaba le go ka ba farologanya le batho bangwe ba ba ipitsang barongwa mme e se bone. Kgwebo ya thuo ya dinotshi e tlhalosiwa e le nngwe ya dikgwebo tse di ka thusang go tlhabolola matshelo a batho. Mme Oratile o tlhalositse fa bontsi jwa balemi ba tsaya metsi mo Bobonong go ya go nosa leruo. Sekole sa Diloro se na le baithuti ba le lekgolo, masome a matlhano le borobabongwe. Tona Batshu a re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a nne le seabe mo go diragatseng se se umakiwang mo pineng ya setshaba, a re pina eo, ke sone sekano sa lefatshe ka jalo ba seka ba e tsaya lolea. Kgosi Thwane o ne a rotloetsa bana gore le bone ba ithute thata kwa dikoleng gore ba ipetlele bokamoso jo bo lolameng. Morago ga ditlhatlhobo tsa malwetsi a a farologaneng banni ba ne ba intsha bodutu ka motshameko wa kgwele ya dinao go tswa mo ditlhopheng tsa dipolase ka go farologana le ka mmino. Fa a nankolela batsayakarolo ba moletlo ka maikaelelo a letsatsi leo, moeteledipele wa dikokelo mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Mme Mavis Motshelanoka o ne a re ke go tla go tsibosa setshaba ka dikgang tsa bolwetse jwa kgotlholo e tona le go abelana megopolo ka fa bo ka kganelwang ka teng. A re ka ditlamelo tsa boipelego, ba tlaa bo ba thusiwa ke ba Mokubilo, fa ditsela tsone ba tlaa di dira ka lenaneo la Ipelegeng. Mme Kgosiesele a re ngwao e ruta motho boitshwaro jo bontle le maitseo, ka jalo go ka ba thusa gore bana ba nne le maitseo le gore ba gole sentle ba itsetsepetse ka setso sa bone O buile jalo kwa letsatsing la ngwao le le neng le tshwerwe kwa sekoleng se sebotlana sa Serorome kwa Palapye go ruta bana ka ngwao. Ga go motlhofo mo malatsing a gompeino gore motho o ka bona mmereko ka jaana letlhoko le ile magoletsa mme se se ama segolobogolo banana. A re e re le ntswa letsholo la KgomoKhumo le fokoditse bogodu jwa leruo, ba santse ba tshwenngwa ke dikgang tsa banana ba ba utswang leruo. Ke ka moo Lekolori e leng mmamoratwa wa bareki ba ba fetang ba reka mopako ba palama dibase tsa nako ya borataro tse di yang motse-mogolo Gaborone. E rile go wetseng dithuto tsa gagwe, monana Luka Rapson a leka go batla tiro mme a itaya sefololetse. Ba re go botlhokwa go batla lebala gaufi jaaka la Police College kana la Old Lobatse Stadium le gone go dira komiti ya balatedi gammogo le batho ba ba tla a laolang tlhakatlhakano e e ka lekang go tsoga ka nako ya metshameko. Fa ba tswa la bone makhanselara ba ne ba supa fa kitsiso e e tsile thari mo go bone, mme ba supa fa ba ngongoregela go utlwa gotwe go tlaa dirisiwa nomore ya setsha go ikwadisetsa ditlhopho, mme batho ba le ba ntsi ba sa kwadisa ditsha tsa bone. A re ke gone a neng a tlhalosediwa fa bontlha bongwe bo direlwa, ka jalo a tshephisa fa ba tsibogetse seemo seo. Mme Nthabi o boletse fa go le botoka go thibela kgokgontsho go nale go aramela ditlamorago tsa yone ka jalo o gwetlhile sechaba go tsaya maikarabelo a a feletseng go lwantsha kgokgontsho. Rre Kwape o kaile fa baithuti ba bangwe ba tlogela sekole fela go sena mabaka gape bogodu bo ile magoletsa jo bo dirwang ke bone baithuti. Fa a bua morago ga mogwanto wa go tsibosa setshaba ka dikotsi tsa tsela kwa Lobatse bosheng, Rre Mashiqa o boletse fa dipatlisiso di supa fa bontsi jwa dikotsi di bakwa ke dilo tse di ka laolwang jaaka go tabogisa koloi ka lebelo le le feteletseng, go kgweetsa motho a itshietse nnotagi le go tlhoka go obamela matshwao a tsela. Ba tlhalositse gape fa mo dinakong tsa bogologolo setlatla se ne se dirisiwa e le setswalo sa matlo mme e bile gape go ne go sena motho yo o ka se bulang fa go tswetswe ka sone. A re balemi b atshwanetse go itirela dikomiti gore ere ba ntsha matshwenyego a kgone go reediwa botoka ka ba tlaaba ba na le batho ba ba ka ba isetsang dikgang ko go ba aba tshwanetseng. Rre Kolojane a re go anama ga setlhare se go ka tsisa mathata mo kgaolong ka sena le borai jwa go kodumetsa metsi kafa tlase ga lefatshe fa se medileng teng mme se bake gore didiba tse di mo tikolong di kgale. Kgosi Balebetse o ne a rotloetsa banni go tsaya mananeo a puso ka tlhoafalo ka go supafala fa a ntsha maduo. Ka jalo Dr Venson- Moitoi o ne a dumela fa e le nnete bana ba na le ditshwanelo, mme a tlhalosa fa ditshwanelo tse ba nang le tsone, di sa direlelwa gore ba itaolele batsadi ba seka ba kgalengwa. O tlhalositse gore se se mo file sebaka sa go ithuta go tlamela kgwebo, ga mmogo le go e tsamaisa ka fa tshwanelong. Rre Kaboeamodimo a re go agela batlhoki matlo go tsisa phetogo e tona mo matshelong a bone, ka jaana bonno bo o fa motho seriti. O ne a tswelela ka go akgola lenaneo la Tirelo Sechaba a tlhalosa fa le thusa banana mo go ikgapheng mo dilong tse di sa nnang sentle jaaka bogodu le tse dingwe. Ba ne ba ngongorega le ka bodiredi jo bo tlhaelang ka bo ba paledisa go dira tiroya bone ka bonokopila mo balwetse ba felelang basa itumelela thuso ya bone. Bangwe ba makhanselara ba ne ba kopa gore go fefogelwe kgang eo gore ba kgone go akola ditirelo ka ponyo ya leitlho. Bogodu jwa leruo ga bo robatse ba Tswapong Borwa Assistant Superintendent Hulela a re mme yoo o boletse fa ene le rre yoo ba ne ba kopane kwa maitisong bosigo. A re ba santse ba buisanya le ba lekalana la metsi ba Water Utilities Corporation ka dituelo. Mowa wa boipelegolego, go dira ka natla ntle le go neela tshwene marapo le go sa lebelela fela mo pusong fa go ka tseelwa kwa godimo go ka isa Batswana pele le go ba namola mo lehumeng la nta ya tlhogo. A re dikgotlana ka go farologana di tshwanelwa ke go tla di dirile bojalwa jwa setso, mme a kopa morafe go tla ka tsotlhe tse di tla a tlhokegang ka letsatsi leo, a tlhalosa fa e tla a bo e se letsatsi la ga ope mme ele la morafe wa Letlhakeng ka kakaretso. Modulasetilo yo o neng a tsamaya Rre Bothwell Manjeya o ne a lebogela tirisano mmogo ya barutabana le batsadi le bone ka seo se ne se ba kgontsha go dira tiro ya bone ka matsetseleko le gone go tswa ka ditharabololo tsa dikgwetlho tse ba neng ba lebagane le tsone mo lobakeng lwa bone. Maloko a ne a tlhalosediwa gore ba ka duela P45, mme ba fitlhwa ka P25 000, kana ba oketse dituelo tsa kgwedi le kgwedi go bolokwa ka P60 000. Mopalamente o tlhalositse fa palamente e tsweletse le go baakanya melao mengwe ka maikaelelo a go tokafatsa seemo sa tsamaiso ya lefatshe mongwe e le wa go lwantsha bogudu jotlhe. Bagodi ba rotloediwa go tlhagafalela botsogo Nna ke godiseditswe mo lwapeng la botsadi jo bo neng bo tumile mo mererong ya tsa temo-thuo, ka jalo ke ne ka bona go le maleba go nna tsala e e gaufi le ntate gore a ntlhatlhelele maele le botsipa jo bo tseneletseng jwa go lema merogo, ga tlhalosa jalo Rre Luka. Go sale foo, go jwala lmowa wa go boloka madi ga badirelapuso, mmuso o simolodisitse lekgotla la go ipolokela madi ka mokgwa wa dikoporase le le kwadisitsweng ka Moranang ngogola. O supile fa kgwebo ya gagwe e ne ya itshetlela ya bo ya dira sentle fela thata ka a ne a simololwa go abelwa di tender tsa go rokela dikole paka ke khansele ya ba ba ba thusiwang ke puso,mme a supa fa mo nakong eno kgwebo e tsweletse ka go supa kgolo. Fa a ba kgwa dikgaba mopalamente Rre Shaw Kgathi yo o bileng a le tona wa banana, metshameko le ngwao a re lephata la gagwe le tla tswelela ka go tokafatsa matshelo a banana. Thotloetso pinagare ya kgwebo Se se ka dira gore batho ba kgone go bona diphologolo tse di borai di santse di le kgakala, ga tlhalosa Rre Kabisa. Se ga se a ka sa mo kgoba marapo mme a lemoga gore kgwebo ya gagwe e mo fa sebaka sa go ithuta letsatsi le le letsatsi, ke ka moo a kgonneng go tokafatsa boleng jwa dilwana tsa gagwe ka go berekela mo go ithuteng mo diphosong tsa gagwe. A re molao o o tla a dirisiwa kwa Kanye le Moshupa ka ke yone e e supileng fa leruo le le sa tlhokomelweng le ba tshwenya. A re ba ne ba simolotse ba apeela ko malwapeng a bone, ba rekisa mo thoko ga tsela ba rekisetsa gape le babereki ba Ipelegeng. O ne a ba rotloetsa go fetola matshelo a bone, go tshelela mo Moreneng, a kaya fa e le ene fela a ka ba fang lesedi mo matshelong a bone. Rre Ntswetswe a re ke sone se go kopiwang dikerekeng ka go farologana go simolodisa merapelo mme go solofetswe gore e tswelele go fitlha malatsi a le masome mabedi le bongwe. O boletse fa go setse go lemilwe ditema di ka nna 5 000, tse e leng gore di kwa tlase fa go tshwantshanngwa le dingwaga tse di fetileng. Rre Ntshwabi yo e leng sealogane sa dithuto tsa tsamaiso ya bojanala go tswa sekoleng se segolo sa Limkokwing University, a re dipodi tsa gagwe o di rekisa di santse di le maroba ka makgolo a boferabobedi podi e le nngwe. O tlhaloseditse banni gore mo dingwageng se tharo tse di fetileng, go bonala fa madi a ditlhabololo tsa dikgaolo a ne a sa dirisiwe sentle, a tlatsa ka go re dingwe di ne di sa dirwe ka lebaka la tlhaelo ya bodiredi. Moletlo wa Domboshaba o supa kgatelopele E rile go le pele fa Kgosi Segale Linchwe a amogela tautona a supa fa gona le dikgotlana di le tlhano tse di tseetsweng dithata tsa go sekisa (warrant) mme ka jalo ba sokola e bile gape dikgosana tseo dine tsa kgaolelwa madi. Rre Autlwetse o tlhalositse gape gore kgang e santse e tlaa tsena, ka jalo ga go a tshwanela gore go lebege e kete ope o molato, bogolo jang yo o neng a atlhotswe gore a name a seegetswe fa thoko mo tirong. Kgosi o akgola lekgotla la kabo ditsha Banni mo diphuthegong ka go farologana ba kopile puso go gagamatsa molao, ba bolela fa babelaelwa ba sa tshwanela go letlelelwa go emela tsheko kwa ntle, fa bangwe bone ba boletse gore ba ba bonwang molato ba atlholelwe botshelo jotlhe mo kgolegelong. Mogwebi yo, o tlhalositse fa kgwebo e e tsweletse sentle, ka e mo thusa go bona letseno le ka lone a le dirisang go tlamela ba lwapa la gagwe mme e bile a paka fa e fetotse botshelo jwa gagwe go menagane. Rre Phala o tsweletse ka go kopa barui botlhe ba ba nang le leruo le ba sa le itseng go begela ba ofisi ya gagwe kgotsa ba bogosi gore le tle le kgone go batlisiwa beng ba lone go na le go didimala fela. Bobirwa o humile matlotlo a tlholego le bojanala Banana bangwe ba ne ba ikabela batsadi ba ba sa kgoneng go thusa bana kwa malwapeng. A re go botlhokwa gore baikopedi ba buse madi a gore maikaelelo a lenaneo a atlege, gape bangwe Batswana ba ba nang le keletso ya lenaneo ba kgone go bona dithuso. Mme Morotsi a re seo se tlaa thusa gore go lemogiwe lefatshe le le sa abiwang gore le tle le baakanyetswe go abiwa. O supegeditse bana matlapa mangwe a a boletseng fa ba sekaseka dingwe tsa ditso tsa tlholego ya one kwa Maleshe. Masukwane,Pole ba kopa tekodiso ka tsela, metsi O kaile fa se, se ama dithuto tsa bana fela thata. Rre Lebati a re kereke eo e simolotswe kwa Afrika Borwa ka 1940 mme ya bulwa semmuso ka 1966 mo Botswana. O bile a rotloetsa komiti ya ditlhabololo tsa motse gore e dirise madi a yone go dira tse dingwe tse ditshesanyane, a tlhalosa gore tiro ya madi ao ke go dira ditlhabololo tsa motse. Monna o sekela go dira matshosetsi Rre Jotia o tlhalositse fa botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga morago ga gore a ikagele ntlo ya kamore tse pedi tsa borobalo, ya boitapoloso ga mmogo le ya boiteketso e e botoka ka tsone dithuso tsa lenaneo le. Mme Ngwako o boletse fa ba sale ba simolola tiro e ya bone ka ngwaga wa 1993, mme ba sela majwe a kwa masimong a Keisane le go ralala naga ya kgaolo ya Bobirwa. Mopalamente Ntlhaile o ne a tlhalosa fa a tlaa fetisetsa dilelo tsa bone kwa pusong. Go sale jalo, mothusa modulasetilo wa komiti ya balemi-barui ya Mogapinyana Rre Molamu Magosi o ne a tswelela a tlhalosa dikgwetlho tse ba kopanang le tsone le bone. Kgosi a re batho ba Palapye ba tshwanetse go dira ditiro tsa ngwao jaaka go nna le letsatsi la go bolotsa letsema, dikgafela le letsatsi la go ipelela ngwao mo motseng gore ba nne le seriti gore ke Batswana tota ka go amogana dingwao ka mefuta ka Palapye e le makgatlhanela thapong. O ne a botsa gape gore a BMC e a tshela kana e a lwala le gone gore a e tsile mo seemong sa go rekiswa ka e farafarilwe ke mathata. Maikaelelo a letsatsi le e ne e le go fa bagwebi ba ba botlana sebaka sa go supa dithoto tsa bone le gone go tsaya dikgakololo tsa gore ba ka godisa kgwebo ya bone jang. E re le ntswa Kgosi Phologo a buseditswe mo setilong, mothusa tona o tlhalositse gore kgang ga se gore e fedile, e a tswelelela mme ba tlaa tswelela ba rerisa morafe ka tota molao-motheo wa Botswana o ikaegile mo therisanyong, kagiso le tlotlano. Bomme ba ba rotloetsa botlhe go iteka, go itsosa le go itirela ka natla go tokafatsa seemo sa matshelo a bone. Batswana ba rata dinkgwana tsa me fela thata se se dirwa ke gore kgwebo ya teng ga e ntsi ka kwano ka ebile di supa boleng jwa ngwao ya rona, a tlhalosa. O kopile batsadi go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana, ka di ba fa sebaka sa go ntsha megopolo e e ka thusang go tlhabolola thuto ya bana le gone go ba thusa go rotloetsa botsalano fa gare ga bone le barutabana. Mme Khubu a re o rekisa fela mo bathong mme keletso ke go tswela kwa ntle go oketsa thekiso jaaka kwa mabentleleng. Tona o ntsha taelo ya tlhopho ya bokhanselara Badiri kwa Tutume ba kopiwa go ntsha maduo A re e re ntswa malatsi a ba tokafaleditswe tiro ke kgotla tshekelo ya ga mmakaseterata, dinako tse dingwe ga go eme sentle lekgotla la Setswana ka gore fa ba sena go ntsha dikatlholo, basekisiwa ba fetela kwa pele ba batla diagente gore di ba thuse ditsheko, mme se se felela se latlhisa lekgotla la Setswana boleng. O mo rotloeditse go ikgolaganya le morafe gore a seka a busa a le nosi kwa bothokong, a mo kgothatsa go ikanya Modimo, gore a tle a mo fe botlhale jaaka Kgosi Solomon. Ba ne gape ba re letlhoko la koloi ya kokelwana le go tlhaela ga baoki le gone ke mathata. O kaile fa go sena tshireletsego mo motseng wa bone ka go sena mapodise. O boletse fa lephata la temo-thuo le dirisitse madi a a fetang P7 million mo mananeong a temo-thuo mme go sena dipoelo dipe tse di bonalang. O ne gape a bolelela Makhanselara gore ba lephata la madi ba gakolola gore dikhansele di feleletse ditiro tse di kwa morago pele ga ngwaga wa madi o wela. O rotloeditse banni ba kgaolo ya Boteti go emisa go tshubamatlakala mo go senang boikarabelo le kelelelo,go dirisa sekgwa jaaka matlo aboitiketso,go baya matlakala fa thoko ga tsela le go latlhela metseto momebileng,merakeng le mo masimong,a re tse tsotlhe di tshwanetse go nyelediwa kadi kgotlelela tikologo. A re emeng ka dinao go tlhabolola tshingwana e, ka gore e kare tlodisa dinoka di tletse. A re komiti ya ditlhabololo le morafe ka kakaretso ba tswe ka maele a ka thusang puso go dira ditiro, ba dira ka mowa wa boipelego go tlhabolola motse. E re dikgang di eme jalo Rre Moatlhaping o ne auspa gape gore batsadi ga bana thuse bana ka tiro ya sekolo ko lwapeng (homework) mme seo se ngomola pelo le go feta. E re ka kgotla ya gagwe e bapile le marekisetso, o tlhalositse fa banni ba kgotla ya gagwe ba tshwenngwa ke dirukutlhi tse di ba emelang mo mekgwatheng bosigo ba ba amoga dithoto ka go bo go sena dipone tsa mekgwatha mme dilalome tseo di iphitlhe mo lefifing. Mme Oats o kaile fa leina la Bopaganang le ne le raya gore merafe ya metse eo e tswaragane le gone go utlwana gore ditlhabololo di kgone go nna teng . Kgosi Monyemana o supile fa dikgosi e le tsone tse di okametseng metse mme e bile ba okametse diphuthego tsa motse a re se se ba fa sebaka sa go kopana le setshaba, a kopa dikgosi go dirisa sebaka se go rotloetsa batsadi go tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana le gone go thusa bana ka tiro ya bone ya sekole. Ditlhopha tsa mmino wa Setswana di ka ntsha banana mo mekgwatlheng le go tokafatsa maitsholo a bone. A re mo merapelong e, mongwe le mongwe o tshwanetse a nna le seabe go kopa Modimo go fodisa bolwetse jo. Batswana ba rotloeditswe go kwadisa ditsha ka jaana kwadiso e e tsweletseng e ya bokhutlong kgwedi eno e ya fifing. A re mo nakong ya gompieno e eteletswe pele ke Bishop Mackson Jeje yo o ntseng le seabe se segolo mo go e tlhameng. Takatokwane o tsosolosa serodumo sa boipuso A re magae,masimo,meraka,dipolase,madirelo,dimeladiphologolo,metsi le sengwe le sengwe se se mo tikologong se tshwanetswe gobabalelwa gore dikokomane tse di tlang di di fitlhele di le mo seemong se sekgatlhisang. Ba re leina la Boiteko le ba rotloetsa go ikemela ka dinao ka mogologolo a rile ‘maano a botshelo ga a site go sita a leso’. Fa a ema bana ka lefoko, Mme Kutlase a re thuso e ba e neelwang ke lekgotla e supa fa ba ratwa, ka jalo ba ikgaphe mo ditirong tsa go tlhoka tsebe tse di ka tsogang di sentse isago ya bone. Lenaneo le, le tswa kgakala le thusa Batswana ka bonno, maikalelo magolo e le go ba fa seriti gore le bone ba ikutlwe e le Batswana ba ba feletseng ka go nna le se sa bone. Badiri ba gakololwa go dira ka natla Go nna le seabe ga dikompone le batho bangwe ga se go ikgantsha ke go supa lorato le bopelotlhomogi. Ka jalo o ne a kopa ba ba amilweng ke seemo se go kopa thuso go sidilwa maikutlo. Tautona o lekola Batswana kwa eSwatini Rre Shandulo Maphorisa, go tswa kwa lephateng la thuto a direla kwa Serowe, o ne a lebogela dikago tseo, a bolela fa ba tlaa fa pego e bagolwane ba sa bolong go e batla ya gore dikago tseo di fedile. A re morago ga go tlogela tiro o ne a dira ditshekatsheko kwa Ntlhantlhe ka kgwebo ya borotho, mme a lemoga fa e ka mo tlodisa dinokana ditletse. O ne a tlhomamisa fa mo mokgatlhong wa bone, madi a ba ba ipolokelang a sireletsegile ka a bewa kwa bankeng mme e bile go tshwarwa dibuka ka matsetseleko go itsa go nyelela ga madi pele a ka ya go bolokiwa. E ne ya re fa ba utlwa mokgosi wa Sherwood Market Day ba rwala ditlhako ba ya teng go leka go supa bontle jo ba bo dirang. A re ka jalo go maleba gore lephata la metsi le tle ka ditsela tse di maleba go thusa go hema seemo sa tlhaelo ya metsi mo motseng wa gagwe. Kgosi a re go lebega matlo ao a sa ntse a tla oketsega ka batho ba matlo a mangwe ba seyo go tla go kwadisa kwa kgotleng, mme a kopa batho ba ba amegileng go ikopanya le ba bogosi go tla go ikwadisa ka bofefo. O ne a tswelela a re dinako tse dingwe dinkgwana di kgona go gana go wela mo tebegong go ka rekisiwa mme se, se busetse kgwebo kwa morago. Tona Masisi o buile jalo bosheng, fa badiri ba ofisi ya ga Tautona ba ne ba ile go direla setshaba kwa Mogobane. Ba re Tautona o laela setshaba e seng bodirelapuso. O ne a tswelela a gatelela gore balemi ba tle go fa pego ya thobo ya bone le fa ba sa roba sepe tota ka jaana se se thusa ofisi go isa dipego tsa gore balemi ba thusitswe jang. A re e ne e re ka nako tsa dipula ba bo ba tshabela ka fa tlhase ga setlhare ka ntlo ya bone e ne e se na borulelo jo bo itsetsepetseng, ka jalo ba tshaba go welwa le ditena. Mme Sullivan o rotloeditse baithuti go ikanya thuto ka ke boswa jo bo ka se keng jwa tsewa ke ope mo go bone. Balemi ba Mookane mo kgaolong ya Legare ba rotloeditswe go tswa ka ditselana tse masimo a ka dirisiwang ka teng go dira dipoelo. E rile a bua kwa kabo semmusong ya matlo a ga Rre Mokgethi Moswang le Mme Difedi Lentswenyane kwa Mmankgodi bosheng, mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Olebile Gaborone a tlhalosa fa go abela batlhoki go gwetlhiwa ke mowa wa lerato o makgotla oo mabedi a o supileng mo batlhoking ba. Merwalela e, e go belaelwang e ka simologa mo dibekeng tse di tlang go bolelwa fa e ka ama matshelo a setshaba se se nnang mo dikgaolong tse. Setlhopha sa Balekane Ba Botswana se abetse kokelo ya Selebi Phikwe disupa ditshwantsho (television) tse pedi tse di lopileng P7100 ka letsatsi la ipelelo boipuso. Bobedi joo, ke dikgosana tsa tetlanyo, Rre Senwedi o tswa kwa Moremi fa Rre Kebuamotse e le wa Lesenepole. A re ka dinako tsotlhe fa dikolo di bulwa, bana bao ba a tsewa ka dikoloi tsa puso mo mafelong a bone go isiwa kwa sekolong, mme e re di tswalwa ba busetswe gape kwa mafelong a bone.Kgosi Mosweu a re ka one malatsi a sekolo fa ba le ko Maposa ba nna le motlhokomedi, ba fiwa boroko, dijo le ditlamelo tse dingwe tsa botlhokwa. E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Sam Jorowe wa Mulambakwena a gwetlha morafe wa gagwe go tlhokomela leruo la bone, go itsa gore le lale le saila mo nageng mme phelelong le senyetse bao ba ba beileng ditema kwa masimong a bone. O ne a kgothatsa batabogi gore fa ba ka tsaya mabelo le metshameko ka tlhwoafalo, di ka dira gore ba nne le se ba itshetsang ka sone mo isagong, a tlatsa ka go re botswerere ke mpho e e botlhokwa mme e tshwanetse go somarelwa. Le fa go ntse jalo, a re go nna teng ga ga Kgosi a sena mapodisi, bakwaledi le diofisi tsa morafe, go santse go tlaa kgoreletsa morafe go akola thulaganyo eo. Fa a bua kwa thuto-puisanong e e neng e diretswe balemi-barui ba Moshupa Borwa ka Labobedi, Rre Nkunda o boletse fa puso e bone go le botoka go emisa dithuso dingwe ka balemi bangwe ba sa di dirise sentle. A re borre ba seka ba tlhajwa ke ditlhong go kopa dithuso tsa tshidilo maikutlo ka go dira jalo go ka ba thusa go hema go tsaya ditshwetso tse di sa siamang. Kgokgontsho ke matlhotlhapelo Dikgang tse di tshwenyang tsa go bolawa ga bomme di gwetlhile Rre Mmereki Kgosiyabone go ralala Botswana a rera efangedi go rotloetsa borre go tsalwa sesha le go sireletsa bomme. A re o lemogile gore lephata le tlhaelelwa ke bodiredi ka ba bereka thata ka bana ba internship a tlhalosa fa go kopilwe diphatlha kwa lephateng la khiro la DPSM, tse di tlaa arabang seemo sa tlhaelo ya badiri le ya go tlhatlosiwa maemo. A re dipalo tse di tlhotlheletsa dikeletso tsa puso tsa go rotloetsa batho go nyalana ka fa molaong ka maikaelelo a go bopa malwapa. A re, o itemogetse fa go le gantsi balemi ba tlhwaafalela go lema le go reka didirisiwa tsa temo fa ba sena go tlogela tiro. Le fa gone a sa tlhomamise sentle gore borre ba sepodisi ba boleletswe ke mang gore ke setswerere sa puo ya Sesarwa e bile o ka kgona go thusa go ranolela ba ba sa itseng Setswana, Mme Alone a re o belaela gore ba lomilwe tsebe ke mongwe wa ba a obamang le bone kwa kerekeng ya Jerusalema. Mopalamente Rre Isaac Davids yo o neng a tsile go lekodisa morafe wa Bokaa ka dikgang tsa palamente e e fetileng, o ne a solofetsa banni ba motse oo gore o tlaa kopana le tona wa metsi go bona gore ba ka ba thusa jang. Fa a ama kgokgontsho ya tsa itsholelo, mme Nthabi o boletse fa e le tsela ya kgatelelo e mo go yone mokgokgontshi a iponang e le ene yo o ka tsayang ditshwetso a le nosi mo go tsa madi, a rontsha yo mongwe go nna le sebaka sa go ikokotleletsa kgotsa go itseela ditshwetso ka tsa itsholelo le madi, a thibela motho yo mongwe go itirela ka boene. Se sengwe gape ke tshwaraganelo megopolo e e ka tswang ka maduo a a botoka, jaaka ba dumela mo goreng ngwao ya sekole ke gore bana ba bale thata mo sekoleng le kwa lapeng ba thusiwa ke botsadi. A re balemi ba ba tsayaang dipeo ba bo ba lemelwa ke pusomme ba bo ba sa tlhokomele temo ya bone go tlaa emisiwa gore ba bone dithusotse ka e le tshenyegelo mo pusong. Mme Kavurase-Sedio a re mowa wa kutlwelobotlhoko ke one o ba gwetlhileng go simolodisa mokgatlho o, o ba o biditseng ba re Machaneng Support Group. Ba ntshitse ngongorego e ya bone kwa phuthegong ya kgotla ee neng e buisiwa ke mopalamente wa bone wa Boteti Botlhaba, Rre Sethomo Lelatisitswe, kwa mo tseng oo bosheng,ba supa komiti ya VDC ka monwana bare ba hirana kabo bone gammogo le ditsala tsa bone. Kgwebo yame e dira sentle mo nakong ya gompieno ka jaana ke kgonne go hira babereki ba le bararo. Sebui sa tlotla sa letsatsi leo mookamedi wa banka ya Barclys Mme Renettee Van Der Merwe o ne a kaya fa kgotla e le botlhokwa ka e le yone e yone ee go rerisanwang, go buisana mo go yone mo tse di amang mo go tlhabololeng metse ya bone le gone go lere kagiso mo morafeng. Go ne go kwala baithuti ba le lesome le botlhano, ba le lesome le bongwe ba tsaya letshwao la ntlha (Grade A) fa ba le bararo ba bone (Grade B) ba latelwa ke a le mongwe ka (Grade C). O supile fa ba thibeletse foo ka 1960, mme ba fitlhetse go na le sediba sa ga Gentere, yo a neng a ba siela metsi. Ke le rotloetsa le le VDC go tswa ka megopolo e ka nowang moro ke morafe, ga tlhalosa Rre Makgalemele. O ne a kopa puso go tswelela e thusa banana ka lenaneo la YDF gore ba itshimololele dikgwebo ka kgang ya letlhoko la ditiro e tsentse tlhako kgamelong A re ba bona nako ya go ya mabaleng fela maphakela fa ba sena go bolotsa leruo. A re sekole sa gagwe ke sengwe sa tse di lesego, ka ba kgonne go bona dithuso go tswa mo dikomponeng tse ditona le mo bathong ka bongwe ka bongwe, a tlatsa ka go re monongwaga ba kgonne go kwadisa mephato e le meraro ya ditlhopha tsa bananyana ka ba na le matlo a a lekanyeng a borutelo. Banni ba metse ya Thankane le Samane ba kopile puso go ba tswa thuso mabapi le dipolasi tse di dikaganyeditseng metse ya bone ka di e itsa go gola. Mapodise a abetse balwetse O tlhalositse fa a ile a bona thuso ya masang a a khurumetsang dijwalo, didirisiwa tsa temo, dipeo le mathumpho a a thusang go nosetsa ale boroba bobedi, mme a nna le kgwetlho ya metsi le ba lephata la metsi a berekela go duela metsi ka dituelo dine di le kwa godimo mme a felela a kgaotswe. Trust e abela bana ba sekole O supile fa ditlhabololo di ka kgonagala fela fa boeteledipele bo tshwaragane le go ba ema nokeng ba bua ka lentswe le le lengwe. O nankotse ditiro tse Matsosa-ngwao ba di dirang kwa ntlong ya ditso jaaka go ruta batho kapei ya dijo tsa Setswana tse di fitlhelwang mo kgaolong ya Kweneng gammogo le go ruta ka tumelo le setso sa Bakwena jaaka lenyalo le phitlho ya Sekwena. O ne gape a gwetlha diphuthego tse dingwe go tsaya malebela mo kerekeng eo, go tshwaragana ka mowa o le mongwe fela wa go rera lefoko la Modimo ka boammaaruri, go nna sekao ka go diragatsa tse di molemo le gone go supa mowa wa lorato le kutlwelo botlhoko mo go botlhe ba ba tlhokang. A re seo e ne e ntse e le thulaganyo e e neng e dirilwe morago ga go rola lenaneo la go tshwaraganela thuto le ba-na-le seabe mme seo se ne sa emisiwa. A re ga a ise a lopiwe dituelo dipe mo ithutuntshong eo, a re ntswa a ne a tla a na le kitso ka matlalo, o fetile a ithuta go le go ntsi, mme khansele ya nna ya mo tsamaisa tshipidi tonto le gone go mo thusa go bapatsa dithoto tsa gagwe. Mopalamente a re mogopolo o o duleng go leka go hema kanamo ya bolwetse ke gore puso e kgaoganye kgaolo ka bogare go kganelela bolwetse mo ntlheng e le nngwe go na le gore bo phatlalale le kgaolo yotlhe. A re ka lenananeo la lenyetso lehuma o ka kgona go rekelwa didirisiwa tse a di tlhokang ka jaana letlalo le na le mmereko o montsi go le dira gore le nne mo seemong sa go dirisiwa go sega, ka go batla boitseanape le didirisiwa tsa maemo a ntlha. Ka jalo a kopa batsadi go nna bodimatseba go bona gore ba a dirisanya go bona gore mokgwa yoo o a fela ka gore ga se gore ga ba itse batsadi ba go nna jalo. O ne a kopa kemonokeng mo dikomponeng tse di ikemetseng, bagwebi, puso le setshaba ka kakaretso ka seo se ka thusa thata mo o godiseng dikgaisano tseo tsa dipitse gore di nne mo seemong se se kgatlhisang jaaka mabelo a dikgaisano a dipitse a mangwe. A re seo se gwetlha molemi gore a bone gore o kaba diphatlha tseo jang. A re tseo di ne tsa tiisa Batswana moko go lemoga fa ba na le bokgoni jwa go ka tsenya letsogo mo go ageng tshaba e e nang le boikarabelo. A re mopalamente wa kgaoo ya Nata-Gweta Rre Polson Majaga o ne a ba ema nokeng ka go ba abela paka le dibolo tse tharo tse ba di dirisang mme morago ba batle lefelo la ithutuntsho ngwaga o o fetileng. O kgadile gape batsadi ba ba fang bana madi ba ya sekoleng, a kaya se se ka baka gore ngwana a nne dinalanyana le go dira gore nako e go senang madi a bo a gana go ya sekoleng. A re ba kgonne go fa malwapa a le mantsi seriti le go leka go kganela dikgotlhang tse di tlhagogang motlhang mongwe wa bobedi jo bo ntseng bo nna mmogo bo sa nyalana a tlhokafala. Fa ba latlhela la bone baoki le babereki ba ne ba ngongorega ka letlhoko la boroko le tlhaelo e e tseneletseng ya dikoloi tse di pegang balwetse. Dikgwebo tse dipotlana di tlhama ditiro Mogolwane wa ofisi ya dipasa le mesepele, Rre Moitshwaredi Mothomogolo o rurifaditse fa ba tsile go thusa batho ba ba sa bolong go nna mo Botswana mme ba sena diteseletso. Rre Dubani, yo o supileng fa matshwenyego a matona e le leruo la bone le le tlolelang kwa Zimbabwe, o ne a kopa gore bogolo puso e dire kwarantine e go ka tshegediwang leruo teng fa le ne le tloletse ka kwa lefatsheng le le mabapi. O boletse gape fa ba ne ba bereka ka komiti e e tlhotsang, ka bangwe ba ne ba ikgogela morago ba sena go tlhophiwa mme bangwe bone ba ne ba bereka ka go kgotlediwa. O supile gore le ntswa ba baakanyetsa ditiro di le mokawana mo motseng, ga ba na letlole le ba lebileng mo go lone, a bo a kopa dikereke go ba thusa go kokoanyetsa meletlo e madi. Rre Ramolelekwane a re mo puisanong ya bone ba ne ba fana maele a gore, kwa sekoleng sa bone ba simolodisitse lenaneo la thuto le le akaretsang morutabana, motsadi le ngwana le le bidiwang Home Remedial le ka lone boraro joo ba nang le seabe mo thutong. Kereke ya St John Apostolic Faith e supa lerato E rile fa a leboga modulasetilo wa lekgotla la baruti, Moruti Dube Kadibadiba a leboga gore dikereke di ne di tsile ka bontsi mme a ba rotloetsa go dira jalo ka bokopano jwa dikereke jo bo tlaa tshwarwang kgwedi ya Lwetse e le masome a mabedi le botlhano, e ntse e le meletlo ya go ipelela boipuso. O lebogetse dikompone le botlhe ba ba neng ba tshwaragane le bone go rulaganyetsa moletlo oo bosheng, ka jalo a bolela fa tshologelo ya batho e supa fa o tlaa nna le tswelelopele e e nametsang jaaka ba ikaelela go nna ba o tshegetsa ngwaga le ngwaga. Motsewa Mmea o ne wa tsaya maemo a ntlha mo metseng e e mebotlana mme wa ikgapelaP700 fa maemo a ntlha a gapilwe ke Mmatshumo mo metseng e megolwane mme waikgapela P1000 fa maemo a ntlha a ne a tsewa ke Mopipi mo metseng e metona mmewa ikgapela P1200 le ditanka tse di latlhelang matlakala di le tlhano. O simolotse tiro semmuso kgwedi eno e rogwa. Tona Tsogwane o ntshitse kopo e fa buisa babereki ba lephata la gagwe ka Mopitlo a le lesome le boraro kwa Letlhakane. O ne a supa fa e ne ya re ka 2011 puso ya ntsha lenaneo la gore batho kana dikhamphani ba ikabele dikole go di thusa ka matlhoki a tsone. A re go dirilwe molao o mosha o ka one batho ba ba rekisitseng ditsha tsa bone ba tlaa seke ba fiwe tse dingwe gape. Rre Motlaleselelo o supile gore fa komiti ya ditlhabololo e sa tseye tiro ka tlhwaafalo, ditlamelo dingwe di tlaa salela kwa morago. O ne a tlatsa ka gore ditanka tse neng di dirisiwa di fetilwe ke tiro mme ka jalo di imelwa ke go ka siela morafe wa gagwe metsi. A re ngwao e bopa bokamoso ja bana mo setshabeng. O tsweletse a supa fa e rile ba tshwanetse go ya go simolola mophato wa bone kwa sekoleng se segolwane sa Shakawe ba bolelwa fa se sa fela ka jalo ba isiwa kwa go se segolwane sa Maun. Mme Tshireletso o rile ere ntswa mmuso o ititeile sehuba go atswa dikgosana tsa tetlanyo, o ngongoregisiwa ke dikgosana le dikgosi tse di gogang dinao mo tirong fa bangwe ba bone ba tsena thari kwa tirong ntswa mmuso o tsweletse ka go ba duela ka makgetlho a Batswana kgwedi le kgwedi. Rre Caiphas a re mo kgaolong e a e okametseng, go supa fa borukutlhi jwa banana bo le kwa godimo fela thata, selo se a reng se a tshwenya. Fa a bua mo phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa Moroka ka Labotlhano (Motsheganong 29), Rre Kgathi a re Batswana bangwe ke bone ba neelang batswakwa boroko, kana ba ba hirisetsa matlo ga mmogo le go ba neela ditiro. Rre Molebatsi o ne gape a akgola mohumagadi wa ga tautona, Mme Neo Masisi go bo a tsibogetse dikgang tsa kgokgontsho ya bana, a re se ke sekao sa gore dikgang tse ke tsa Batswana botlhe. Mo go bone Lerato Kebaabetswe o kgonne go tsaya (Grade A) mo dipampiring tsotlhe tse a neng a di kwala di supa. Rre Jotia a re ka lenaneo le, o ne a thuswa ka didirisiwa di akaretsa, ditena, semente, dipolanka, mabati, le tse dingwe ka go farologana, mme gape o ne a thuswa ka go duelelwa moagi. O tshepisitse fa palamente e tlaa itepatepanya le le seemo se. O kopile puso gore go tshelwe sekontere, a supa fa ba tswa kgakala ba kopile mme go se nko e tswang lemina. Mme ka jaana ngwana yo a ne a belegetswe fa mogobeng, bangwe ba nyalana tlhaloso ya leina la motsana o le gore go tewa mogobe; boammaaruri tota ke gore Qabo ke leina la motho, motsana o reeletswe ka ene. Go tla agwa kokelo ko Tutume Le fa go ntse jalo, Rre Diphuhang a re o ne a na le dipelaelo tsa gore Rre Kaodimba o ka nna a boela kwa matlhophelong. A re tseo ke dingwe tsa dikgoreletsi tse ba kopanang le tsone mo kgaolong. Kgetsi ya tsie... Mme Majoko o boletse gore e re ka puso le yone e lebanwe ke kgwetlho e tona ya letlhoko la madi, barutabana gammogo le bagokgo ba tshwanetse go thulanya ditlhogo go bona gore go nna le motlobo wa dibuka mo dikoleng. Kgosi o buile jalo ka letsatsi la segopotso sa mokgatlho wa sefapaano se sehibidu bosheng kwa Good Hope a tlhalosa fa go le botlhokwa gore maloko a mokgatlho a rutwe melao e e lebaneng go tsamaisa mokgatlho, go hema diemo tse o tlaa fitlhelang go tlhamilwe dikomiti mme di sa sale ditsamaiso tse di tsepameng tsa mokgatlho morago. O boletse fa kgokgontsho ya tlhaloganyo le maikutlo e le tsela e ka yone motho a lekang go laola yo mongwe ka go utlwisa maikutlo a gagwe botlhoko. Legale go ne go se motlhofo fa Mme Jane a simolola kgwebo ya gagwe ka a ne a tshwanelwa ke go rwala kgetsi e tona mo tlhogong a tsena ntlo le ntlwana mo mogoteng le motlhaba wa Kgalagadi tse a neng a tshwanela go di ralala letsatsi le letsatsi gore a atlege. gape go itlhatlhobela kankere ya molomo wa popelo. O boletse fa maduo a ngogola a mophato wa boraro a tokafetse thata ka ba kgonne go tsaya matshwao a masome a mararo mo lekgolong fa go sobokwa baithuti ba ba fentseng ka matshwao a a botoka. Mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mane le bongwe wa motse wa Ramotswa o robaditswe kwa kokelong morago ga go rengwa ke mokapelo wa gagwe ka selepe mo tlhogong. Mapodisi a Middlepits ba kgobokantse madi go tswa mo dipateng tsa bone go reka sejana, ba bo ba abela sekolo sa Gakhibane sekete sa dipula. A re lenaneo la Re a nyalana le ka thusa go rarabolola dikgang tsa motlhale oo ke ka moo a rotloetsang setshaba go inaakanya le lone a tlatsa ka gore le lebane mongwe le mongwe yoo dingwaga tse di fa gare le go ya pele ka ele bone batho ba gantsi ba palelwang ke go ithusa. Lenaneo la ditshingwana tsa merogo le tsweletse ka go solegela ba ba le tsereng molemo gammogo le go bona dipoelo mo go lone. A re o ne a ikaeletse go ya go tseela batho ba bangwe matlakala, mme a bolela fa seo se tsile go mmaya ka fa mosing. Mogwanto o, o simolotse Seetebosigo a le 18 mme o tlaa tsaya malatsi a le lesome le botlhano go wetse Phukwi a tlhola ga raro. Erile fa a ba araba, Mme Ngwako o ne a ba tlhalosetsa fa lephata la gagwe le ba ba maleba ba lwantshana le go bona gore ba ka rarabolola jang seemo se ka e se lantlha ba utlwa selelo sa bone.Go ntse go le foo banni ba ne ba gakololwa go itlhatlhobela malwetse a tshwana le kankere le sukiri nako e santse e le teng, ka fa a bonwa a santse a le masha a kgona go alafesega gona le fa a tshwarwa a setse a jweleletse. Mogokgo Kgomotso Kgosiesele a re ngwao ke seikokotlelo sa Batswana, ka jalo ba ne ba bona gore mo sekoleng sa bone ba e tsosolose ka letsatsi la ngwao. Mme Ithapeleng Makhupe le ene o gateletse gore letlhoko la ditiro le ile magoletsa e bile go lebega puso e lebetse batho ba dingwaga tse di fa gare. O ne a tswelela ka go kgothatsa banana go ikgapha mo nnotaging, mme ba sale morago mananeo a puso go tlhabolola matshelo a bone,a bo a lebogela VDC maiteko a bone a go kgarathela go itirela madi a ka one ba ka tlhabolola motse wa bone.a bo kgothatsa ba direla puso go duela matlo a kopa VDC gore ba seka ba ba ntsha mo matlong. O tlhalositse fa dikgato tsa thibelo tshenyo di ne tsa tsewa jaaka go gasagasa pherefere mo go tlaa dirwang kwa Matsiloje, Ditladi le Patayamatebele. O ne gape a gwetlha borre go bua le bana ba basimane ka dikgang tse di ba amang. A re komiti ya ditlhabololo e tshwanetse go itse se motse o se tlhokang mme e bile e tshwanetse go tsaya matshwenyego le dikopo go di isa kwa makalaneng a a lebaganeng. A re fa e le gore ga go na komiti e, a banni ba ikgolaganye le mapodisi ba rutuntshiwe go ikemela ka dinao ba lwantshe borukhutlhi. O ne gape a ba kopa go lema nako e sa ntse e le teng ka ba tlaa roba pele mme ba bona dipoelo tse di botoka ka ditlhwatlhwa di ka nna botoka. A re ba tlaa leka ka bojotlhe go dirisanya le merafe ya bone go kgobokanya madi ka ba ka se kgone go dira tiro e ba le nosi. A re kgwebo ya gagwe e kgonne go bonala morago ga go thusiwa ke Rre Maatla Basha, ka go anamisa kgwebo ya gagwe mo maranyaneng a Internet. O kgotlhaditse batsadi le setshaba ka kakaretso go netefatsa gore ba bona ditlamelo tsotlhe tse di tlaa thusang gore ba nne le isago e e nonofileng. Mookamela mapodisi a pharakano kwa kgaolong ya Lobatse, Assistant Commissioner Omphemetse Mashiqa, a re dikotsi tsa tsela mo Botswana di oketsegile ka palo ya botlhano mo lekgolong. Mo go reng a ba nale thulaganyo ya go thusana le metse e e mabapi mo ditirong tsa mothale o, Rre Masole o boletse fa tota go sena thulaganyo ya go nna jalo e e kileng ya dirwa le fa go ntse jalo, a re komiti e tla kwalela dikgosi tsotlhe tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba go ba itsese le go ba laletsa go tsena moletlo oo. A re ba tle ba amogele dikgang tsa bana ba ba emelelang kwa malwapeng ba re ba ya sekoleng mme ba ikele go sele. Rre Leipego o tlhalositse gape fa Batswana ba tlotlile go kopa dikgakololo fela fa dilo di sa tsamae sentle, a tlatsa ka go re go botlhokwa go batla bogakolodi le fa go le monate ka seo se ka nonotsha kgologano ya bobedi le gone gore ba ka emelelana jang le dikgwetlho tse ba ka kopanang natso mo isagong. Kgosi ya Metsibotlhoko, Rre Bafentse Moatshing o galaleditse lenaneo la temo la ISPAAD fela thata. Banni ba re go tswa mo Sehunou go ya Motshegaletau ke mosepele fela o mo leele, ka jalo o fitlhela balwetse ba bangwe ba gateletswe mo ba ka se kgoneng go tsamaya lobaka kgotsa ba ka nna ba tlhaelela mo tseleng segolo jang bagodi le ba ba gateletsweng thata mme bare ba kopa gore ba lephata la botsogo ba ba thuse ka koloi ya kalafelo gore bagolo ba kgone go tsaya ditirelo tsa botsogo jaaka go kala bana le dipilisi gautshwane. A re ka nako ya lefatshe leno le ipusa temo e ne e tsaya masome a mabedi go ya kwa go masome mabedi le motso mo lekgolong ya itsholelo ya lefatshe leno mme mo nakong eno e wetse kwa tlase fela thata ka e tsaya boraro go ya kwa go bone mo lekgolong jwa itsholelo ya lefatshe leno. Kgosana ya Kgwatlheng, Rre Kagiso Gaofiwe ene o ne a akgolela kereke eo tiro e ba e dirileng a ba a re o dumela fa kgotla ya gagwe e tla a segofala. A supa fa motho e le teemane, seikokotlelo sa lefatshe, e bile khumo ya lefatshe e le mo mothong. Kgwetlho e a kopanang le yone thata ke ya go tlhoka mmopa lebaka le le leele ka go bo a o tsaya kgakala kwa Kanye. Kgosi Solomon Pharithi wa Molalatau o kopile puso go gagamatsa dikatlholo tsa bogodu jwa leruo. Mme Tshireletso a re lenaneo leo e sale le simolola, le kgonne go tshwara manyalo a feta dikete tse pedi, selo se a reng se tshwanetse sa akgolwa ebile sa rotloediwa. Mme Moupanaga a re o rotloetsa Batswana gore ba seka ba ipaya fela mo go thusiweng ke puso mme ba tsee boikarabelo jwa go ikemela ka nosi ba bule dikgwebo le go nna pelo telele mo maitekong a bone. Rre Botshoma a re o tla ema sekolo sa Nyangabgwe nokeng ka go se kopela dithuso go tswa mo setshabeng le dikhamphani ka go farologana. Kgosi Nkgageng o tlhalositse fa se se ngomolang pelo e le gore fa ba latedisa dikgang tse, ba itemogela gore banni bangwe ba na le kgolagano le batswakwa mo tshenyong e. A re pele ga maphata a sepodise a kopana, mapodise a kgotla ane a fiwa matlo ke ba kgotla, mme jaanong seemo se fetogile fa go nyelediwa sepodise sa kgotla. Mogolwane mo ofising ya matimela mo kgaolong -potlana ya Letlhakeng Rre Lerang Phala o boletse fa ofisi ya bone e tsweletse ka go phutha matimela mo kgaolong. Mothusa tona mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso, o akgoletse badumedi ba kereke ya Sabata go nna le seabe mo go tokafatseng matshelo a Batswana ba ba sa tlholeng bana le dithata tsa go itirela ntateng ya bogodi. Go na le sekgwa fa gare ga sekole sa rona le se segolwane sa Sedie, ga twe bana ba rona ba tlhola ba iphitlhile mo go sone ba sa tle dithutong. O ne a re tsela e ne e se e e bonolo ka dinako tsotlhe, mme a re mo maitlamong le maikemisetso a bone e le puso go kgabisa lefatshe la Botswana, mangwe a maitlamo a atlegile, dingwe di tsweletse ka go dirwa fa tse di saletseng kwa morago ba ititeile ka thupana go di diragatsa. Fa a amogela dijo tseo, Mme Mbolawa o supile fa a leboga komiti eo go supa mowa wa bopelotlhomogi mo go ba ba sa itsholelang. Rre Masisi o tlhalositse fa pina ya setshaba e tshwanetse ya opelwa ka tshisibalo le go fiwa tlotla. A re go le gantsi batho ba na le go tshaba boikarabelo a supa fa gantsi ka nako ya fa go nyala ngwana wa mosimane ba goora mosadi ba ikgogela kwa morago ka ba itse fa go na le ditshenyegelo. Fa a amogela baeng, Kgosi Piet Manyoro wa Khawa, o ne a ngongorega ka tsela e e mo motseng, a re ga e tsamaege ka e le lokgarapana le dikhuti, mme seo se paledisa morafe go ya go kopa dithuso kwa motseng mogolo Tsabong. Rre Mosimanegape o tlhalositse fa ba kgobokantse badiri ba botsogo go tla go ruta ka malwetse a a farologaneng go balelwa le malwetse a legano. Fa a bua mo puisanong bosheng, mogolwane wa lephata la metsi mo Maun, Rre Kutlo Kgobero o tlhalositse fa mo Okavango ba solofetse merwalela mo mafelong a a jaaka Shakawe le Mohembo bogolo thata mo kgaolong ya Mohembo bophirima. Kgosi Michael Balebetse wa Mmathubudukwane o ne a rolela mafoko a molaodi hutshe a re go a itumedisa fa go na le dipalo tse dintsi tsa batho ba ba thusitsweng ka lenaneo. Modulasetilo wa komiti ya dikgafela, Mme Senwelo Ramokobetwane o tlhalositse fa ba abile dimpho tse ba itebagantse le letshego la tebelopelo la 2016 le le reng setshaba se se kutlwelobotlhoko, ka jalo ba tsere tshwetso ya gore ba abele ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. O ne gape a kgotatsa banni ba Mmathubudukwane ba ba itseng tiro ya go aga, go tsibogela tendera e duleng ya go aga mosele o thusang ka dinako tsa di pula. Mopalamente o tlhalositse fa e setse e le nako ya gore balemi ba nosetse gore ba kgone go ntsha ditema tse di bonalang. Rre Leipego a re banyalani ba kopa dikgakololo mo batsading, masika kana bagolo ba ba setseng ba tshegeditse molao wa lenyalo, a supa fa nako tse dingwe go sa tlhokafale moitseanape wa lenyalo. Barui ba ditonki ba kopile puso go ba okeletsa tlhwatlhwa ya thekiso ya tonki ba kaya gore se ke sone se ka dirang gore tonki e tsewe ka tlhoafalo fela jaaka leruo le lengwe le tshwana kgomo. O buile se kwa pulo semmusong ya letsatsi la balemi ba kgaolo eo bosheng kwa masimong a Bobothakgama kwa balemi ba neng ba kopanetse teng go neelana maele ka methale ya temo. Setshaba se tlhagisiwa ka kgonagalo ya merwalela kwa dikgaolong tsa Okavango le Chobe. Moletlo oo, o ne o diretswe babereki ba lephata leo ba Bokone Botlhaba go ba lebogela go bo ofisi ya kgaolo ya bone e le nngwe ya dikgaolo tse go supagetseng di dira sentle mo go diragatseng ditirelo le maikemisetso a lephata. Molaodi wa legare, Mme Berenice Berman-Mosime o itsesitse banni ba Makgaba mo kgaolong ya Boteti gore motsana wa bone o tlhomamisitswe go nna motse bosheng. A re seabe sa bone se akaretsa go gakolola le go tla ka methale le matsipa mo tirong go tokafatsa ditirelo. Tsholofelo ke gore letlhoko la ditiro le le re apereng mo kgaolong e ya rona, ke gore re bone botsadi, banana, ba ba ntseng ba reeditse ka tlhwaafalo ba simolola le gone go tsaya mananeo a, a tlhalosa. A re mo nakong eno ba tsaya bontsi jwa mokolwane kwa Shakawe. A re mo kgaoganyong ya melelwane, masimo a Mhawaneng a wela mo kgaolong ya Molalatau ka jalo banni ba seka ba etsaetsega go ikwadisa. Ka jalo, a re Tautona o ne a ntsha taelo ya gore badirela puso ba nne ba tswela kwa ntle ga diofisi go direla setshaba, go tiisa botsalano fa gare ga bone le setshaba se ba se thusang malatsi otlhe. Borre Sekgweng le Lesonya ba tlhalositse fa batho bangwe matlo a bone a ka tswa a ranyegile ntateng ya go dirisiwa ga ditalameiti tse di thuntshang maje e bile batho bangwe ba ka tswa ba senyegetswe ke makotswana a a ageletseng digotlo gammogo le go senyega ga diterata. Rre Motoma o tlhalositse gape fa ba ikaelela go rotloetsa banalebogole go ribolola ditalente tsa bone gore le bone ka moso ba tsoge e le dikgantshwane mo lefatsheng leno. O kaile fa Batswana ba goga dinao go kopa dikgakololo ka lenyalo, a tlhalosa fa seo se ne se ka thusa go fokotsa dikgang tsa go thubega ga malwapa. O ba gwetlhile gore fa ba tlhophe mananeo ba dira ditshekatsheko tse di tseneletseng gore ba seka ba tlhogela letlhoko legolo la motse. Betlelang bana bokamoso - Venson-Moitoi Molaodi wa kgaolo ya Kweneng mme Berenice Berman-Mosime a re ba kgonne go ntsha batho mo mekgwatheng go tsibogela kiletso mesepele ya nako eno, go hema kanamo ya mogare wa corona. Selekanyo sa metsi ko nokeng ya Okavango ke 4-5m ka jalo fa e tshela metsi go ka baka merwalela, a tlhalosa. Fa a buwa ka nako ya kabo ya ntlwana eo, moithuti yo o eteletseng tiro eo pele, Rre Mokwele Mathews a re ba kgonne go fithelela maikaelelo a bone a go agela kokelwana ya motse wa Zoroga ntlwana ya matlakala ka thuso ya boithaopi jwa banni ba motse. A re e tla ema mo maemelong a terena a le marataro fela a tshwana la Francistown, Mahalapye, Gaborone, Palapye. Kgaolo e tlaa bona ditsela tse pedi A e kare o rata motho wa mmolaya? Kgang ya bogosi jwa Shoshong e a kekelela Mo potsolotsong bosheng, Mme Tlale o supile fa dikgwebo tsa banana ka bontsi e le selo sele sengwe. O kaile fa a gwetlhilwe go simolodisa kgwebo ya mofuta o ke boitsaanape jo ene le mohumagadi wa gagwe ban eng ba tla ka jone fa ba ne ba tswa go direla mo dipolasing kwa Aforika borwa ka nako eo. Mme Molamu a re kgwebo e tlhokana le bopelo telele, a kaya fa banana ba tlotlile go batla madi aa tsenang ka pela le go tshela botshelo jo bo magasigasi mo nakong e khutshwane. Kgosi Kgari III o ne a dumalana le gore o tla a ntsha mokwalo o o tla laletsang batsadi ba dikole tsotlhe tsa Molepolole kwa kgotleng kgolo ya Bakwena go tla go utlwa gore matsapa di a tsaya kae le gore go dirwe jang go tokafatsa thuto le botho jwa baithuti. O boletse fa a tlhatswa mmanki o tletse diaparo ka P80 gape a re o tlhatswa le dikobo ka P90. O boletse fa dijo le diaparo di ne tsa koloba mme dilwana tse dingwe tse di farologanyeng di ne tsa senyega. Kgosi Maforaga o ne a supa fa go ne go le thata ka nako eo go etela metse e mengwe mme ga nna le banna ba ba neng ba kgona go reka dikoloi tsa Bedford tse di neng di dirisiwa e le tsa setshaba go sena dibese. Mme Garethata, yo a lemang kwa Pitse-e-wele gaufi le Lecheng, a re dipaka di setse di fetogile, ka jalo go botlhokwa gore molemi yo a lemelang go rekisa a tshware bokgola jwa ntlha gore e re go lebilwe letlhafula ene abo a setse a simolotse go rekisa. Mme Galebotsane a re gompieno seemo sa HIV/AIDS se botoka ka gore puso e ne ya ntsha lentswe gore go kopanelwe seemo se, ga rutiwa batho ka jone le gore ba amogele ba ba amegileng. Mmuso wa Botswana o tsere tshwetso ya go okeletsa badirelapuso bangwe madi ka 4 per cent Moranang a tlhola letsatsi. Dikgomo tse di lwalang ga di kake tsa bolawa Komiti e fa Mbolawa thobo Mogo tsa thuto, motlotlegi Khan one gape a supa faa tshweneyegile ka maduo a sekolo sese golwane sa Kgari Sechele aa nnang ale ko tlase, se tsaya maemo a bomasome a mabedi le borobabobedi ntswa dikolo tse dikgolwane tsotlhe mo Botswana di le masome a mararo le bobedi, jalo se ele maduo aa kwa tlase tota. O supile fa banni ba motse wa gagwe ba tsaya mananeo a a akaretsang la nyeletso lehuma tsia. Rre Kablay o tlhalositse fa lefatshe leno ele gone le itharabologelwang mo manokonokong a kwelo tlase ya itsholelo fa e sale ka 2009 mme jaanong le setse le simolotse go rekisa diteemane le nama kwa mafatsheng a sele. Moupanaga o tshepile dijo tsa setso Mme Moupanaga, yo o dingwaga tse di masome a mane le borobabongwe, o boletse mo potsolotsong fa a ne a tsena mo kgwebong ya go apaya dijo tsa Setswana go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. Mo go tse dingwe, Rre Molefhi o ne a supa fa ba ofisi ya nyeletso lehuma go tswa kwa Gaborone e tlaa re mo bekeng e e tlang ba bo ba le mo Selebi Phikwe go tla go ikopanya le ba ba tlaa bong ba na le kgatlhego ya go rua ditlhapi. E rile a bua mo potsolotsong bosheng, kgosi wa motse oo, Rre Itsoseng Gaoonwe a tlhalosa gore ka letsatsi leo go tla a bo go aperwe diaparo tsa setso jaaka dijale, mateisi, mpeetshane le diaparo tsa matlalo e bile go tla bo go jewa dijo tsa setso di akaretsa legodu, bogobe jwa lerotse, dinawa, letshotlo le tse dingwe tse di farologaneng. O ne a re fa motho a batla go dira se a se ratang o tshwanetse go tsepama mo go sone ka go se dira ka lorato le bopelotele go sena boithobogo mo teng. Bomme ba Roma ba abela bana Mme Kutlase a re go supa lerato le boikarabelo jwa bone gore e re mo dinakong tse di tshwanang le tse ba ntshe mo ba nang le gone go fa bana ba. Rre Dikhuhang a re ka letsatsi la ditlhopho ke mongwe wa ba ba gorogileng kwa matlhophelong ka nako ya bobedi mo mosong. O boletse fa BDP e na le mananeo a a tsepameng, gape e sala molao motheo morago, e bile e ikaegile ka puso ya batho ka batho. BSB e tla thusa sekole sa Nyamambisi O tlhalositse fa a godisitswe ke temo, a supa fa jaanong se se diragalang mo lefatsheng ka bophara se ngomola pelo le go feta. Lenaneo la ISPAAD le gatetse pele A re o setse a boleletse ba ofisi ya dibetso tsa tlholego, ba e tla reng mmaboipelego a fetsa tshekatsheko ya gagwe ba ntshe letsogo go thusa ka fa ba ka kgonang ka teng. Bangwe ba dibui mo letsatsing leo, le le neng le rotloeditswe ka madi ke ba khamphane ya VIVO ENERGY ke kgosi Gaselemoge Molefhi wa Mookane le mopalamente wa Mahalapye Botlhaba mmaetsho Botlogile Tshireletso yo a neng a akgola botlhe b aba nnileng le seabe mo go rulaganyetseng tiro eo. Ke dumela gore nako e santse e le teng ya gore re ka buisana ka mathata a, re bo re tswe ka tharabololo go tokafatsa seemo. Dikgosi di thusa go aga setshaba Rre Mangwa a re go botlhokwa go isa ditirelo pele ka gore go le gantsi fa ba isa ditlamelo ka malatsi a motshameko wa Khawa Dune Challenge, setshaba ga se tsee tsia ka maikutlo a bone a a bo a le kwa godimo ba sena sebaka sa theetso. E rile a mo kgwa dikgaba mogokgo wa sekole, Mme Kesetsenao Bojase yo o neng a amogela batsadi, a tlhalosa fa a lebogela dipalo tse batsadi ba tseneng phuthego ka tsone bogolo jang e le banana. Bobedi joo, jo bo tlholegang kwa Mahalapye, ke rre wa dingwaga tse di masome a mabedi le mme wa dingwaga tse masome a matlhano le boferabobedi. Kgokgontsho ya tsa tlhakanelo dikobo yone, o boletse fa e akaretsa go pateletsa tlhakanelo dikobo jaaka go betelela kgotsa go pateletsa mokapelo tlhakanelo dikobo ko ntle ga tumalano,dititeo tse di lebaganyeng le go tlhakanela dikobo, go phoraphora yo mongwe ka dikgoka o batla tlhakanelo dikobo. Mme Tiroyamodimo Mpole wa motsana wa Malotwane mo kgaolong ya Kgatleng ke bopaki jwa seo, erile a tlhalosa mo potsolotsong ka Laboraro o boletse fa go lema merogo mariga go mo thusa fela thata ka diji di se dintsi paka eo. Rre Baraki a re ele barongwa ba banni, ba nna ba na le dikgang tse di batlang go kopanelwa ke setshaba le matona a amegang gore ka tshwaragano ba tle ka tharabololo ya tsone. E re dikgang di eme jalo, baphuthegi ba ne ba rapelela Tautona Lt Gen. Tshwaragano e aga setshaba Kereke ya United Congregation Church of Southern Africa (UCCSA) e abetse motlhoki ntlo. Bomme ba kereke ya Roma ba bokopano jwa Southern Dinnery ba Vicariet kwa Francistown ba file bana ba le bane dimpho. A re mokgatlho wa bone o gola ngwaga le ngwaga le fa ntswa ba aperwe ke dikgwetho tsa letlhoko la dikoloi le ditsompelo. Rre Batlhophi o ne gape a kopa go nonotsha tirisanyo mmogo magareng ga bana le seabe go tsisa ditlhabololo mo kgaolong. Rre Lesedi yo e bileng e le moruti wa kereke ya Kgalalelo, o gakolotse gore morago ga go bua le ngwana, motsadi a bue le ba botsogo kana bogakolodi gore ba thuse ngwana, mme gape a dirisanye sentle le ngwana mo go rarabololeng bothata jo a nang le jone, a tlhalosa fa go kopa thuso nako e sale teng go ka sireletsa botsogo le pabalesego ya ngwana. Barui ba buile jaana mo thutopuisanyong e e neng e tshwaretswe kwa Molepolole go rutuntsha barui ba ditonki le ba ba gwebang ka thekiso ya tsone ka Labobedi. Monana o inosa metsi ka tshilo A re sepatela seo ke sengwe tsa ditlhabololo tse dikgolo tse di akanyeditsweng mo lenaneong la ditloga maano tsa ditlhabololo la khansele la boroba-bobedi ga mmogo le go tshela sekontere tsela ee tshwaraganyang motse oo le wa Kaudwane. A re lenyalo le a tlotlwa e bile le a dibelwa ka jaana le tlhodilwe ke Modimo. Molaodi wa kgaolo ya Kgalagadi borwa, Mme Peggy Kutlase o akgoletse lekgotla la kabo ditsha kwa Tsabong go tlhokomela bana ba masiela. Morutabana wa dithuto tsa bogakolodi kwa sekoleng sa Kgari Sechele, Mme Dikeledi Kgalaeng o kopile kgosi go kopana le batsadi pele meono e mesha ya go tokafatsa seemo sa thuto mo Molepolole e ka diragadiwang. A re komiti ya ditlhabololo tsa toropo e na le maikarabelo a go bona gore toropo e sireletsegile gape e babalesegile go ka ngoka babeeletsi le gone go tshegetsa letshego la tshaba e e sireletsegileng e bile e babalesegile. A re bogodu jwa go phamola dibeke le mesokelatsebeng bo golela pele tsatsi le letsatsi mo Maun. Rre Lunga a re mananeo a tshwana le He for She le #Eseng mo ngwaneng a tshwana fela le la Monna tia ka a otlhe a itebagantse le go lwantsha kgokgontsho. O ba kopile gore ba tswelele ba ntse ba bega dikgang tsa bone ka botlalo kwa sepodiseng fa go santse go akanyediwa dikgang tsa boroko. Tautona a re melawana ya diteseletso ya tsa pereko e tlaa tlhofofadiwa gore go ngokwe bagwebi ba ba ka tlhamelang Batswana ditiro. Ka jalo Lekolori, a boela kwa ga bone kwa Lehututu mme a feta a tsweledisa kgwebo ya gagwe mme morago ga ngwaga tse pedi a fudugela kwa Hukuntsi kwa a fetileng a baya semausu sa gagwe fa gare ga Rural Administration Centre (RAC) le sepatela se segolwane sa Hukuntsi. Mo nakong ya gompieno legong o le leba ka matlho fela go be go tswa se a eletsang go se dira ka ponyo ya matlho. Seabe sa batsadi, barutabana se botlhokwa E rile a bua kwa moletlong wa go nyadisa baratani ba le masome a supa ka lenaneo leo kwa Mabutsane bosheng, Mme Tshireletso a re le tsisitse seriti le kgololesego ya mewa mo malwapeng ka jaana batho ba tlaa nna mmogo ka fa molaong. Rre Mogapi a re mo nakong ya gompeino ba setse ba ikgethetse dikole di ferabongwe go balelwa le sa Bopaganang go di ema nokeng le go thusa ka didirisiwa tse di akaretsang simolodisa metlobo ya dibuka a supa fa ngwaga o o tlang ba tlaa o simolodisa mo sekoleng seo le gore ba tlaa atswa baithuti ba ba dirileng sentle mo dithutong tsa bone e le tsela ya go ba tiisa moko mo dithuong tsa bone. Mme Kedidimetse a re, ba lebanwe ke letlhoko la dikoloi, ke sone se go fapaanelwang koloi ele nngwe fela. Dietsele tse dingwe di ne tsa newa baeteledipele ba badisa ba ba neng ba dira ka natla le badisa ba ba neng ba ithaopela go aga ntlo ya ga Mme Monnawakgotla. A re, fa molemi a lema diekere di le tlhano ka ditselana a ka bona thobo e ntsi fela thata. Mme Ramaribana a re go fa ba-na-le bogole thuto ke tshwanelo. A re kgang e e santseng e tshwenya ke go tlhoka go kwadisa dintsho ka jalo o gwetlhile banni ba motse oo go dira jalo ka go le botlhokwa. Mapodise a Letlhakane a tlhotlhomisa kotsi e e gapileng matshelo a bana ba le bararo. O buile gape fa go tlhoka sepalamo se a ka se dirisang mo kgwebong go mo itsa go tsamaela kwa mafelong ka go farologana go rekisa teng, jaaka kwa Kasane kwa bajanala ba ka kgatlhegelang dithoto tsa gagwe teng. O supile fa mo dingwageng tseo go ne go se na yo o nang le boitseanape jwa go nyerolosa tshipi go dira didirisiwa tsa segompieno di tshwana le dithipa, dishaga, dilepe le dikere. O ne gape a supa a a itumelele gobo kompone ywa Water Utilities e sa tsibogele seemo sa kgopo ya metsi a a leswe ka bonako. Mme yoo, a re tiragalo e e diragetse kgwedi eno e tlhola gararo ka nako ya boferabobedi mo maitsiboeng. Kgosi Puleng o ne a kopa ba lekgotla la baruti go nna ba laletsa le ba e seng bakeresete diphuthego tsa mohuta oo e le tsela ya go ba thusa go itharabologelwa gore le bone ba atamele gaufi le Morena. A re maikaelelo ke go tla go tsibosa setshaba fa bolwetse jwa AIDS bo sa ntse bo le teng, e bile bo gaketse; go tla go tsibosa setshaba fa kgethololo mo go ba ba amilweng ke mogare e le mmaba; go tla go tsibosa ka mananeo a a teng a a itebagantseng le go thibela kanamo ya mogare mmogo le gone go tla go gopola ba ba tlhokafetseng ntateng ya bolwetse jwa AIDS. A re e ka tshwenya fela fa e le gore ba kabo ditsha ga ba a nna le morero le bao ba ba amegileng. Kgosi o ne a boa a lebogela batsadi thotloetso ya bone mo baneng ba bone, a re tshwaragano ya bone le bogogi jwa motse mo go rotloetseng banana go tsenya letsogo mo ditirong tsa motse e a nametsa mme e bile maduo a yone a mo mpaananeng. Rre Kaboamodimomo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa badiragatsi ba dipina tsa bone tse di tla tshamikiwang mo Seromamoweng sa Botswana morago ga kgatiso ba tla nwa moro ka ba tla atswiwa ka madi. Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa kgaolo ya Bophirima, Rre David Motlhatlhedi o ne a leboga ba kereke eo go bo ba bone go le maleba go lemoga mosola wa bagodi. O tsweletse a supa fa puso e tlaa tswelela ka go thusa balemi ka go ba fa peo ya mmoulo, menontshane ga mmogo le tshefi e e bolayang mhero, e le maiteko a go rotloetsa thobo e e botoka. A re se se ngomolang pelo ka bana ke gore puso e simolodisitse lenaneo la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa loseeng ka ngwaga wa 2002, mme ka maswabi go santse go tsholwa bana ba ba nang le mogare. O ne a tlhalosa fa bosheng diphuthego tse di farologanyeng go tswa Afrika Borwa, Swasing le Botswana di ne di kopanetse kwa Khuis kwa ba fetileng ba abela dikhutsana, ba-na-le bogole le bagodi ba le masome matlhano le boferabobedi melora le diaparo. Kwelo tlase ya itsholelo e diile ditlhabololo O buile se mo potsolotsong bosheng. Rre Gaseitsewe a re go a reketla ka didirisiwa di tla ka monokela, a re seo se ba busetsa morago. Kgosi Motsamai o boletse gore bana ke teemane ka jalo ba tshwanetse go tlhokomelwa, a tlatsa ka gore ngwana mongwe le mongwe ke mmoloki wa motsadi wa gagwe. Bokopano joo gape bo ne jwa itebaganya le go sekaseka seabe le dikgwetlho tsa borre mo matshelong a segompieno go akarediwa ditshetlana di tshwana le tlhokomelo le kgodiso ya bana, tlhokomelo ya lelwapa, boeteledipele jwa borre mo kerekeng le ko ntle gammogo le thomo ya bone mo kerekeng. Mme Pule a re ene ga a bone mosola wa gore ba tswelele ba tlhopha ka seo se sa ba sologele molemo ka gope. Bakwena ba rotloediwa go abela ntlo ya ditso Rre Moipei a re go tlhoka go dira dipoelo go tlaa felela go mo tsenya mo mathateng a go busa bontlha bongwe jwa dithuso ka madi a a neng a thusitswe ka o ne e ne e le kadimo. A re se ke kgwetlho gore go nne le mananeo a a nitameng a a ka thatafaletsang magodu a diteemane tiro. Kgosi Jackalas o ne a ba lebogela seabe sa bone mo go thuseng lefatshe leno go gagabela kwa maitlamong a lone a gore e re ka ngwaga wa 2016 Batswana e bo e le tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathalelana. Rre Monyena o ne a supa fa mo bontsing jwa masimo a go neng go direlwa dithuto mo go one, go na le diphatlha fa gare ga dijalo tse di lemilweng mme go supa fa polantere e ne e sa dirisiwe sentle. O ne a tlatsa ka gore bana bao ba ka tshwara masome a marataro(60) mme ba tsena sekolo mo Sese le ko sekolong se segolwane ko Jwaneng. Rre Maele o ne a kopa balemi go emisa go itseela kwa tlase ntswa ba le botlhokwa e bile setshaba se ikaegile ka tse ba di dirang. O supile fa ba tlaa tswelela ba tshwaragane le sekole sa Boikhutso go thusa bana ba basetsana ka ba lebanwe ke dikgwetlho tse dintsi mme ba tlhoka go nna ba engwa nokeng fa go kgonagalang teng. Kekere sekao sa lorato le pelotlhomogi A re o ne a seka a tsaya letlhoko la tiro e le seipato mo go tsweleleng pele ga botshelo jwa gagwe, ka jaana a ne a itse ka tlhomamo go na le ditsela di le mmalwa tse ka tsone a ka itepatepanyang le tsone go ipetlela bokamoso. Go kwadisa ditsha go ka fema dikgotlhang Mme Ntau o boletse fa a ne a kopa thuso mo ofising ya matlhoko a loruo mo Tsabong mme nako kgolo ke eno ga go na nko e tswang lemina. O tsweletse a supa fa lekgotla la bone le tsweletse ka go amogela dikopo tsa metse mme ikopelo e e dirwa ka go romela kopo ka poso e le tsela nngwe ya go fokotsa tshenyetso setshaba. Mokhanselara o kgothatsa komiti Dikereke di kopiwa go tshwaragana Le fa go ntse jalo Kgosi Puleng o ne a kopa gore diphuthego tsa kgotla di nne di lalediwa ka mashetla. A re ba-na-le-bogole ba tlaa simolola go seke ba lebalwa kgotsa ba salela kwa morago mo ditirong tsotlhe tsa setshaba. Komiti ya botsogo ya Local Enterprise Authority (LEA) kwa Masunga e tsweletse ka maiteko a go diragatsa letshego la tebelopele la setshaba se se kutlwelobotlhoko e bile se le lerato. A re gape go bereka sentle ga komiti ya batsadi le barutabana, e e tlhophilweng ngwaga ono go ka thusa go godisa maduo a ngwaga ono. O bile a tlhalosa fa go ya ka ene a itse gore dimpho tse di tlaa bong di phuthilwe di tlaa rolwa kwa kgotleng kgolo e bile e le tsa Batawana botlhe e seng kwa dikgotlaneng jaaka batho bangwe ba akanya. Supt Matlapeng o kopile setshaba go tla go bona dipodi tseo kwa masakeng a Sejelo, mme mmelaelwa ene o tlaa nama a tshegeditswe ke mapodisi. O tsweletse a tlhalosa gore seemo sa boitekanelo se ntse se le kwa tlase mo Metsiaela, a re seo se gakadiwa ke gore bontsi jwa banni ba lefelo leo ga ba bereke mme ba ikaegile thata ka thuso ya khansele le gone go tshwara-tshwara mo Ipelegeng. A re dipatlisiso di supa gore mo Botswana gantsi melelo e dirwa ke batho ka jalo o tsibositse setshaba gore ba nne kelotlhoko. E re ka jaana letsatsi leo le ne le phuthaganetswe ke baruti le diphuthego ka go farologanya, moruti Kefilwe Gwu go tswa kerekeng ya Saint Bethel, o ne a gakolola setshaba ka kakaretso go emisa go kgetholola ba ba tshelang ka mogare wa HIVe. A re go supafala fa ba nopotse matshego a le mabedi e leng letshego la tshaba e e kutlwelobotlhoko, e e siameng ebile e tlhokomela batho botlhe le la tshaba e e tswelelang, e e itirelang ebile e fetola dilo. Lenaneo la YDF le tswa tema Batsadi ba ne ba natefisa letsatsi ka go tlhabela bana mainane, dithamalakane le go ba rutuntsha ka direto le meila ya merafe ka go farologana. Chepete o tshela ka matlakala O ne gape a re lefatshe la Botswana ke boswa mme boipuso bo tshwanetse go abelwana gore dikokomane tsa lefatshe le, le tsone di tle di ikakole e bile di ikgantshe ka se ba se utlwang mo nakong ya gompieno. A re komiti ya ditlhabololo kwa Shoshong e lemogile gape gore batho bangwe ba ba neng ba diretswe tshingwana tsa merogo mo malwapeng ka lenaneo la nyeletso lehuma ba sa kgona go tswelela ka mabaka a dikgwetlho tse di farologanyeng. O boletse fa ba kgonne go ngoka dikompone le batho ka bongwe ka bongwe ba ba supileng fa ba tlaa buisana le bone ka fa ba ka thusanang mo go rulaganyetseng moletlo wa ngwaga o o tlang. A tlhalosa fa ba ile ba ragosetsa monna yoo kwa kokelong ya Tutume kwa go tlhomamisitsweng fa a tlhokafetse. Ba ne gape ba dirisa nako e, le gone go rapelela kgaolo ya bone gore dikotsi tsa tsela ya kgaolo ya bone di fokotsege ga mmogo le jone borukutlhi jo bo apesitseng banni ba kgaolo eo, kobo ka letshoba. Mongwe wa batsena phuthego eo, Rre Thusoemang Dithapo o supile fa bontsi jwa barui ba ne ba latlhegelwa ke leruo ka ntlha ya bolwetse le tlhaelo ya metsi mo kgaolong, mme a supa fa seo se ba kgobisa marapo ka e bile bangwe ba ne ba sala ba iphotlhere e bile seemo se, se phutlhamisa maiteko a puso a go fedisa lehuma. Fa a bua kwa tirong ya go aba dimpho, mopalamente wa kgaolo ya Bobonong, Rre Shaw Kgathi, o tlhalositse fa tiro ya go abela dikole tse di lesome le bosupa tsa kgaolo ya Bobirwa e simolotse ka ngwaga wa 2014 fa World Group of Companiese e abela dikole dibolo di le makgolo a supa go dirisiwa go tlhabolola motshameko go tswa kwa tlase. Bomme ba motse wa Bobonong ba ka nna lesome ba ipopile setlhopha go itshetsa ka go kgobokanya le go rekisa majwe. Seretse Khama Ian Khama a setse a ntshitse tlhobaelo ka dipego tse di nnileng teng tsa gore lenaneo la Ipelegeng ga le tsamaisiwe sentle mo pegong ya gagwe ya tekodiso ya setshaba. Mme Velleminah Pelokgale yo e leng mmabalemisi wa kgaolo ya Legare o ne a re ba ne ba tshwara letsatsi la go ruta balemi ka go somarela bokgola ka dinako di fetogile e bile methale ya temo e e neng e dirisiwa pele e fetogile ka jalo balemi ba tshwanetse ba nne ba rutuntshiwa gore ba bone dipoelo tse di botoka. Mo godimo ga moo, dikatso tse di tlhomameng tsa kgwedi le kgwedi le tsone di tla a okediwa ka 4 percent. O tladitse ka go re yo o tlhabilweng thobega o ne a nna a nosiwa meriana e kopantswe le metsi a a setseng ka nako e go neng go tlhapisiwa fa a robegileng teng ka nako ya thobega, go ritibatsa bothoko. Balemisi go tswa Ngamiland East Sub-crop Production ba tlhatlheleletse banni ba Samedupi ka ditsela tse di babalesegileng tsa go bolaya diji mo masimong. Olopeng o akgola badiri ba lephata la gagwe Komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgotla ya Lephane mo Tonota e roletse banni pego ya ditlhabololo tse ba di kgonneng ngogola ga mmogo le tse di mo lenaneong la ditlogamano la 2018. Rre Samson Dubani, wa motse wa Mbalambi o ne a kopa gore go agiwe kampa ya sepodise sa SSG mo motseng wa bone ka mabaka a gore kampa tse go ka tweng di gaufi ke tse di kwa metseng ya Goshwe le Zwenshambe. O tlhalositse fa ba tlhamile mokgatlho o ele bomme baba sa berekeng ba gwetlhiwa ke go reketla ga botshelo. O kgothaditse Batswana go tsaya temo-thuo ka thwaafalo le go e tsaya jaaka kgwebo ka ele yone ba ka e dirisang go ntsha dijo tse di lekaneng, go nyeletsa lehuma, letlhoko la ditiro le go tswakanya itsholelo ya lefatshe leno e e ntseng e ikaegile ka ditswa-mmung. E re ka puso e tshwentswe ke dilelo go tswa mo setshabeng ka kakaretso ka go tlhoka go bona ditirelo tsa puso ka fa go kgotsofatsang ka teng, maphata a puso go tswa mo Lobatse a ne a rulaganya letsatsi la go isa ditirelo kwa setshabeng go tla go rutuntsha banni ka ditirelo tsa bone le go tsaya dikakgelo gore ba ka tokafatsa ditirelo tsa bone jang gore setshaba se di akole bonolo. O ne a akgolela Rre Mabutho se a se dirileng. Dikereke kwa Mochudi ga mmogo le komiti ya ipabalelo tseleng di ne di phuthaganetse kwa diponeng tse di laolang pharakano kwa Bokaa ka Sontaga go rapela. Superintendent Mogatsaseno o tlhalositse fa mekgwatha e, e ka tswa e le mebila e e ralalang dikgwa, diphaposi tse di dikaganyeditsweng ke dikago tse ditona, ditsela tse di senang motsamao o montsi wa batho ga mmogo le ditsela tse di senang dipone. A re dijalo di tshwana le lebelebele, mabele, dinawa le letlhodi ke dingwe tsa tse balemi ba rotloediwang go di lema. Rre Moloi le ba lephata la gagwe ba abetse baithaopi dilwana tse di ba sireletsang fa ba lwantsha melelo, a tlhalosa gape gore ba tsweletse ka go ba rutuntsha gore ba ka tima melelo jang. A re ba na le lenaneo la go sidila babereki maikutlo ka gore mmereki yo o sa itumelang mo moeng ga a kake a kgona go ntsha maduo. Fa a tswa la gagwe, monana mongwe wa motse wa Takatokwane, Mme Boitumelo Kgotlayagae o supile fa ba lebanwe ke kgwetlho e kgolo ya tlhaelo ya ditiro e bile bontsi bo inaakantse ka nakwana le Ipelegeng ka jalo a gwetlha banana ba bangwe go tsaya tsia lenaneo le tshwana le le ka jaana le ka fetola matshelo a bone. Mme Thapelo a re lenaneo le ke lone le le tlaa ba kaelang gore ditlhobololo tsa motse di tlaa nna jang, a tlatsa ka go re fa le sena go wela ba tlaa dupa ditsha pele ga di ka bewa. Rre Loeto a re ba eme ka dinao go netefatsa gore mananeo a mantle a puso a sologela Batswana molemo ka go ba ntsha mo lehumeng mme puso le yone e fefogele go dira ditsela tsa meraka le go gokela motlakase gore barui ba tlhabolole leruo la bone ba tle ba kgone go bona dipoelo. Khamphani ya Image Civil Engineering le khansele potlana ya Mogoditshane-Thamaga di lebogetswe go supa lerato mo batlhoking ka go ba agela matlo a bonno. Go ne go bua jalo lebutswapele la phathi eo, Rre Daniel Kwelagobe, fa a rola ntlhopheng yoo semmuso kwa Moiyabana bosheng. Ba ne ba tlatsa ka gore ba bona dituelo morago ga nako e telele mme se se ba tlhokise kutlwisisano le beng ba matlo a phiriso le gone go nna lobaka ba sa obe lebogo. Mapodisi ga a robatswe ke dipolaano tsa baratani A re kgang e e tswa kagakala mme go lebega kahnsele e le moriti o tsididi fela a tlatsa ka gore go ranyega ga matlo a go golela pele mme seo se baya matshelo a banni mo diphatseng. Mo go tse dingwe, Kgosi Malope o kopile morafe go rapelela pula. A re borre ba seka ba nna ba-tswa setlhabelo sa kgokgontsho ba beile fela mo go reng ngwao e rotloetsa fa rre e le ene a tshwanetseng go fepa bana ba gagwe e seng go tlhokomelwa ke mme. O tsweletse a kgothatsa banni ba Khudumelapye go emisa go thubela ba bangwe malwapa mme a ba kopa go tshotlha dikgang tsa go thubelana malwapa le go tlhalana kwa malwapeng pele. Fa a bua mo boemong ja mookamela mapodise a Machaneng, Constable Botshelo Molubi o supile fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa kgokgontsho ya bong tse ba sa di begelweng. Khansele e ikanya thapelo Le fa go ntse jalo o ne a supa fa ofisi ya bone e tshwenyegile thata ka ditsha tse di ananngwang ka dipalo tse di kwa godimo. Metlha e fetogile ya go bona ngwana yo o kwa tlase ga dingwaga tsa boraro a bolawa ke bolwetse jwa go swa mohama, leroborobo la letshololo ga mmogo le dibokwana. A re ka moo, go mo maruding a mongwe le mongwe go itlhatlhobela malwetse go bona kalafi ka nako, ka e bile puso e simolodisitse tiriso ya metshine e e ntshang maduo a TB mo malatsing a le mabedi go na le pele mo maduo a neng a tswa mo malatsing a supa. O boletse fa go na le lenaneo la go thusa barui ka moroto wa dipoo tsa mashi mme lephata la gagwe le thusa gore go dirwa jang. Gape o gakolotse basetsana go fokotsa go tsamaya bosigo ba le bosi a re selo seo se ka tsenya matshelo a bone mo diphatseng di tshwana le petelelo. Gaborone o lebogela kago ya matlo Mongwe wa barutabana ba lekwalo la bosupa Rre Joel Besson o ne a supa fa ba setse ba ipapanne sentle ka ba setse ba itlhokoletsa ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa mme tsholofelo e le gore ngwaga ono ba tle ba kgone go feta ka tse di tsididi ka go gaisa dikole tse dingwe ka maduo a lokwalo lwa bosupa mo kgaolong ya Kgalagadi. Rre Chepete a re o ipelafatsa ka kgwebo eo ka jaana e se na dikgwetlho. Kgolagano fa gare ga lona le barutabana ke yone fela e e ka solegelang bana ba lona molemo, mme fela seo se ka kgonagala fa le ka tsena diphuthego tsa batsadi le barutabana, a tlhalosa. Superintendent Mogatsaseno o tlhalositse fa batho ba itlwaeditse go dirisa mekgwatha e e sa babalesegang go tsamaela kwa mafelong a bonno le a a nang le ditlamelo. O ne a re o tshwenngwa ke gore mo mafelong mangwe boradikonteraka bangwe ba dirisa didiriswa tsa boleng jo bo kwa tlase, mme a re lephata le tsentse seemo seo leitlho go netefatsa gore ba fedisa mokgwa o. Lephata la dikgwa le ipaakanyeditse melelo ya naga Re tlaa buisana le Batswana ba ba ratang maitiso gore go ka dirwa jang gore ba bine ba gololesegile mme ba sa kgoreletse ba bangwe, Tautona Masisi a tlhalosa. Erile a tsibogela dikgang tse, Inspector Kumbani Machaya a kopa morafe gore o seka wa itsapela go bega dikgang kwa mapodiseng ka jaana ele tiro ya bone go sireletsa setshaba. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Xaxaba bosheng, Rre Motlaleselelo a bolela fa go tsaya tiro ka tlhwaafalo go ka thusa mo go tlhabololeng matshelo a batho. Living Faith Ministries e lemoga bagodi Ba re Rre Batshu ke ene tona wa ntlha go buisa phuthego ya kgotla kwamotseng morago ga sebaka se seleele. Kgokgontsho e tsuulola ya ditshwanelo O gwetlhile baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana go ikwadisetsa lenaneo la ‘Re a nyalana’ mo kgotleng gore ba tle ba rurifadiwe fa ba nyalane ka fa molaong le go fiwa setlankana sa lenyalo, se a tlhalositseng fa se tshwana fela le sa kwa ga molaodi, e bile go se turu. A re puso e tsweletse ka go dirisa madi madi e tlhabolola seemo sa thuto e bile e dira maiteko a gore ngwana mongwe le mongwe a bone sebaka sa go amogela thuto go sa kgathalesege gore o tswa mo lefelong lefe. Mopalamente o kopile banni gore fa ba hirisa masimo jaaka bangwe ba setse ba dira kwa Mmathubudukwane, go botlhokwa gore ba ithute se bahiri ba se dirang gore le bone mo nakong e e tlang ba kgone go itirela. O ne a tlatsa ka go re le fa go ntse jalo dilo tse di batla madi. A re ba ba rotloetse ka go tlhodumela tiro ya bone ya sekole, le go kopana le barutabana fa ba belaela boitseme bongwe mo thutong ya bana. A re kgwebo e, ke yone a e dirisang go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. Mo go tse dingwe, fela jaana Mme Matseka, Rre Mothoagae o ne a tlhalosa fa ba tshwentswe ke matlakala mo motseng wa bone ntswa le ba re ba a leka go o phepafatsa. Mapodise a Tutume a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng setopo sa monna mongwe, se se neng se setse se senyegile, kwa motseng oo. O ne a supa fa nnotagi e kgona go tsisa kgotlhang mo malwapeng, e baka mathata a madi, mme seo se felele se baka kgaogano mo malwapeng. Rre Mutshula o ne a supa fa le bone e le ba VDC, ba na le keletso ya go thusa bangwe, sebe sa phiri e le go bo ba na le kgwetlho ya madi ka ba sena letseno lepe le le ba tsenyetsang madi mo letloleng. Ka jalo o ne a rotloetsa gore a tsamaiso ya khansele mo lobakeng lo lo tlang e tlotlwe le go tsewa ka tlhoafalo dinako tsa go dira thomo ya setshaba gore batlhophi ba tswelele ba lemoga botlotlegi jwa baemedi ba bone. Rre Butale o ne a ba tshepisa go sala morago kgang ya tsela, a tlatsa ka go re ba lephata la ditsela ba ne ba lekodisa khansele ya Bokone Botlhaba ka seemo sa tsela ya Tshesebe mme go solofetswe fa metse e e amegang e tlaa lekodisiwa. Rre Seloi a re ga ba kgone go dira tiro ya bone ka tshosologo ka ba sa sirelediwa ke molao, a supa fa marapo otlhe a neetse babueledi, mapodise le bo mmakaseterata. O ne a ikuela mo banning ba motse wa Moroka le metse e mengwe e e mabapi, ba ba neng ba tsene phuthego gore ba tswe ka tharabololo ya matshwenyego a, ka puso yone e setse e dirile maiteko a yone ka go isa mapodisi, masole ga mmogo le ba taolo malwetse le matlhoko a leruo go baya leitlho molelwane. Re tshwenngwa ke gore ntswa re itemogela diemo tse di thata mo kgaolong eno, ga re kgone go nna le tekodiso ya ba boipelego, ka se e ka tswang e le bothata, ga tlhalosa kgosi Hube Bangwe ba banni ba kgaolo eo, ba re ba kgaphetshwe kwa ntle ke thulaganyo ya go tlamela batho ka dijo tsa letlole la COVID-19. Mookamedi wa ofisi e tsamaisang mananeo a go lwantsha mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS kwa Boteti, Rre Ketlantshang Monyadiwa a re tiro ya go aga matlwana a boitiketso e tlile morago ga go dira tsheka-tsheko go bona se se tlhokwang mo kgotlaneng eo. Mme Molamu o tlhalositse fa e ne ya re ka 1998 a ya go ithutela tiro ya go roka a itebagantse le go sega le go roka paka ya bana ba sekolo, lefa letlhoko la madi le ile la kgaosetsa dithuto tsa gagwe. Kgosana wa kgotlana ya Dilaene 2, Rre Albert Moseki o lebogetse banana maiteko a ba a dirang, a re ba tswelele le mosepele wa bone wa go gasa molaetsa o o botlhokwa o. O kopile morafe go iketleetsa ka palo e e kwa godimo le go tsaya karolo mo moletlong oo. A re ba lebanwe ke kgwetlho ya go tsamaela ruri ga babereki fa ba sena go amogela le gore balemi ga ba tsose diterata fa di senyegile mme diphologo di felele di ba senyetsa selo se a reng se diga thobo ya kgaolo. Go ne go kgatlhisa thata ka go ne go sena motse o o neng o batla go gaisiwa. Are maikaelelo a go dira ntlo eo ke go somarela ngwao le go ruta bana ka dilo dingwe tsa Setswana bogolo jang ka bane ba lemoga fa baithuti basa dire sentle mo dithutong tsa bone tsa Setswana. A re maikaelelo a mokgatlho wa bone, o o simologileng ka ngwaga wa 2011 kwa Francistown ke go thusa batho segolo jang ba ba kobo dikhutshwane go ikemela ka dinao go tokafatsa matshelo a bone go na le go baya fela mo go reng puso ke yone e ba thusang go ka oba letsogo. A re gore motho a kgone tiro e a tlaa bong a e tshwere o tshwanetse go dira a le boikobo, a itshepha a bile a ikanyega. O ne a tlatsa ka gore malwetse a go gatelelwe ke maikutlo le a thaloganyo a ka bakiwa ke kgokgontsho. A tlhalosa gore dikgang fa di le kwa kgotleng ya ditsheko ga di a tshwanela go buiwa gongwe le gongwe ka go dira jalo go ka kgotlhela bosupi mme ga itsa baatlhodi go fa dikatlholo tse di tlhamaletseng. Dr Khudu-Peterson yo e bileng e le motlhatlhelela dithuto kwa unibesithing ya Botswana a re ba thusa banana gape ba ba sa dirang sentle mo mophatong wa boraro mme ba eletsa go baakanya maduo a bone ka go ba suga sebaka sa ngwaga ka keletso ya gore ba iponele diphatlha kwa dikoleng tse dikgolwane. E rile bosheng banana ba kgaolo ya Nkange ba le masome a robabongwe le botlhano ba bo ba rutuntshiwa ka ditsela tsa go nna bagwebi ba ba botlana. Fa a akgela mo tshimolodisong ya kgwedi ya merapelo, o tlhalositse fa thapelo e le yone seikokotlelo sa botshelo, a tlatsa ka gore fa go senang thapelo e e lolameng teng, ga go na sepe se se ka robalelwang ke ditlhokwa. Banana ba kereke ya Evangelical Religious Protestant Unity Church ba akgoletswe seabe sa bone sa go simolodisa kago ya kereke eo kwa motsing wa Mabutsane. O ne a tlatsa ka gore batsadi ba ithute go botsa ba bongaka fa ba sa tlhaloganye. Lephata le akgola beng ba dipolase Fa a bua ka melao e mengwe, Rre Molebatsi o ne a supa gore molao wa bogodu ja leruo le one o baakantswe. A re tlhatlhobo e botlhokwa mo go bomme ba ba santseng ba le matlhagatlhaga mo go tsa tlhakanelo dikobo, ka jalo fa ba bongaka ba itemogetse matlhasedi a kankere go sale pele ba kgona go ba tsenya mo kalafing kana ba ba fetisetse kwa go nang le dithuso tse di maleba teng. A re e tla a bo e re botshelo bo ntse bo tsweletse, kgokgontsho e tla a bo e gola go simolola go nna le dikiteo le go itseela dikobo ka dikgoka gareng ga tse dingwe, ke ka moo bomme le borre ba lelang ka dikgang tsa kgokgontsho Kgosi Mpeo o kopile setshaba go bega dikgang tsa kgokgontsho gore di tle di rarabololwe go sa na le nako. Rre Mangori a re go na le bangwe ba ba gopelang puso ka tsholofelo ya gore makgotla a tlaa ba sekela a re seo ga se moono wa makgotla ebile ba nna ba tsibosa badiredi go ikgapha mo mokgweng oo. E rile a lekodisa ka tiro ya letsatsi le, Moruti Fenny Ramatshaba a bolela fa e le thulaganyo ya Modimo, gore ba bo ba kgonne go lemoga gore batho ba na le letlhoko, mme jaanong kereke le yone e tsaya karolo le boikarabelo ka go tsaya kgato go thusa puso go lemoga batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. O ne a supa fa e ne ya re ka 1999 a atlega a thusiwa ka lenaneo la FAP, mme a reka motshine o o rokang mme seo sa thusa kgwebo ya gagwe go itshetela le go netefatsa toro ya gagwe ya go nna moroki yo duleng diatla. Tshekatsheko ya mabaka a ga Agente Moncho go fa baiphemedi sebaka sa go ikuela kwa kgotleng kgolo ya ditsheko e tla reediwa Morule a fera bongwe. Mogokgo a re ba ikemiseditse go leka ka thata ka se ba nang le sone ka tshepho ya gore dilo di tlaa apara tshiamo motlha mongwe. Rre Ramotsababa o supile fa maduo a sekole seo mo dingwageng tse di fetileng a ne a ntse a wela kwa tlase, a supa fa mo ngwageng ono a tokafetse fa go tshwantshanngwa le a ngogola. O buile jalo bosheng, mo puisanyong le Mo loetong loo, Rre Kgafela o ne a etela ofisi ya matlotlo a puso, matlo a SHHA, dikago tsa lephata la twantsho borukutlhi jwa diphologolo, le Lehututu Integrated Poverty Alleviation and Housing Project(LIPAHP) e le nngwe ya ditiro tse di ka fa tlase ga lephatha la gagwe. Motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Rre Sediegeng Kgamane a re motse fa o rurufaditswe o tshwanetse wa nna le ditlamelo tsotlhe tse motse o di tlhokang. O kopile batsadi go lesa go mpampetsa are go dira jalo ke go itshenyetsa bana. Rre Olopeng a re lephata lagagwe le ne gape la tsaya tshwetso ya go abela sekole sa motse oo dibuka di le167. A re ba itebagantse segolo bogolo le babereki ba dipolase tsa Tuli Block ka go ne go lemotshega ditlamelo le dithuto di sa ba fitlhelele. Rre Gaborone are serepa sa moswi se sa ntse se le kwa setsidifatsing sa kokelo eo go tlhatlhojwa ke ba bongaka fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di sa ntse di tsweletse mabapi le tiragalo eo. Rre Baatweng o kgadile ka tshakgalo batho ba go bolelwang ba latlhela metseto mo diphaephing tse di gokelwang go phatlalatsa metsi. Ka letsatsi la teng go ne go aperwe dilwana tsa setso, dijo tsa Setswana, dipina le megolokwane. Ba rotloediwa go ipaakanyetsa letsema Mme Kgotlaetsile a re o tswa kgakala le kapei ka a kile a bereka mo madirelong a dijo ka go farologana, mme morago a simolola kgwebo ya kapei kwa maemelong a dipalamo kwa Thamaga. O ne a supa fa nnotagi e dira gore bangwe ba banana ba felele ba latlhegelwa ke botho, ba sa tlhole ba tlotla batsadi le go thusa mo lwapeng ba sa tlhole ba go dira. A re ere ka lephata la gagwe le lebagane le dikotsi tsa tsela, ke sone se ba tsereng tshwetso ele ba sepodise sa pharakano goya go lekola balwetse ba ba neng ba amega mo kotsing eoa mo kokelong ya Mahalapye ele tsela nngwe ya go ba gomotsa le go gopola bao ba ba neng ba tlhokafala. O ne a a tlhalosa fa a na le bokgoni jwa go sega mesese ya mateisi le dikhethene tsa matlo mme a di rekise kwa metseng e tshwana bo Bokspits kwa kgaolong ya Kgalagadi kwa a tlholegang teng. O buile se mo potsolotsong kwa Serowe bosheng. A re borre ba tshwanetse go itse fa bomme le bana ele ditsala tsa bone ka nako tsotlhe, e bile go sena rre yo o ka tshelang a sena mme kana ngwana. O ne a tswelela ka go supa fa o kgona go fitlhela motho a ntshitse madi, dinku, dipodi kana dikogomo go tswa fela ka gore ene o tshwere eng. Molaodi o ne a tlhalosa gape gore go tswa goo lowe bana ba ntse ba tlhokomelwa ke batsadi e se ba bone, mme ba tsaya boikarabelo jwa gore le bone ka moso ba atlege mo botshelong, ka jalo a re bana ba ba seka ba ipotsa gore ke eng fa e le bone fela ba ba kgethilweng. Mapodisi a Kanye ga a jesiwe diwelang ke go betelelwa ga basetsana ba ba tsamayang bosigo. Mookamela mapodisi a Sejelo, Superintendent Mogomotsi Matlapeng, o boletse mo potsolotsong fa monna yo wa dingwaga tse di masome a mane le bone wa kwa Motlhalawakgomo, a paletswe ke go tlhalosa kwa a tsereng dipodi tseo teng. A re go jewa ga tonki go tumile thata ko mafatsheng a Bophirima mme bosheng, go jewa ga ditswa tonking go setse go atla mo fatsheng leno. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Annah Diatla a re lenaneo la Ipelegeng le belege banni ba motsi oo ka bontsi ka botshelo jwa bone banni bao ba ikaegile ka lone mme a leboga puso go tswelela e thusa Batswana ka lone. A re o ne a kgona go reka mechine e e rokang, matsela le tse di dingwe mme a simolola kgwebo ya gagwe e e kwadisitsweng ka leina la Stich mate Tailors. A re ke sone se ba boneng go le botlhokwa go bitsa ba dikereke go tla go thusa ka thapelo. Batswana ba kgothadiwa go ithekela dikoloi ka tlhamalalo Ke itumela thata go bona batsadi ba re eme nokeng morago ga tiragalo e e masisi e e tlogetseng bana ba rona mo legoeleleng, ke leboga thata le lorato lwa kereke ya Spirit Embassy, ga bua mogokgo. A re go ne go sena ditlhabololo dipe fa lefatshe leno le tsaya boipuso mme mo nakong eno ditlhabololo di tshwana le tsa ditsela, dikago le tsa botsogo di teng. O ba kopile go itshekatsheka le go ikaga sesha. A re go botlhokwa gore dijo e nne tse di tlaa lekanang go alosa morafe, bogolo jang ka bontlha bongwe jwa madi a a kokoantsweng go tlhalositswe fa a tlaa tsewa ke go hirisa ditante. Rre Rapoo o tlhalositse fa dipalo tsa ba ba neng ba ikwadisitse ditlhopho ka ngwaga wa 2009 mo kgaolong eo, go supagetse fa di ne di le kwa godimo thata fa go tshwantshanngwa le tsa gompieno. Le fa go ntse jalo, Rre Kgopana o ne a ikuela mo batsading go tlhomamisa gore bana ba ya sekoleng ba le mo seemong sa go ka rutwa.BOKHUTLO A re motsadi o tshwanetse go batlisisa gore ngwana o ikutlwa jang le gore ke eng se se mo dirileng gore a simolole tiriso ya bojalwa kgotsa diritibatsi. Tona a re gore ba kgone go dira tiro ka nata kefa baka fetola ka fa baakanyang kateng le kafa ba ntseng ba dira dilo ka teng, ba itumelele go bona ba kgana tiro ya bone ba bona maduo,ba seka ba kgoreletsa tiro ka dingongorego. Mme Jase le ene o supile fa a itemogetse fa thuto e le pilara ya botshelo, le ene a re ka lesedi le a setseng a le amogetse le mo direla dilo motlhofo ka jaana o setse a kgona go itirela mokwalo wa gagwe gope fa o tlhokegang teng a sa kgarakgatshege. O tlhalositse fa ba fetola dipompo tsa sechaba gore go dirisiwe tsa maranyane tse go nowang ka dikarata.Mokhanselara wa Khudumelapye-Sesung Rre Bokopano Tumiso one a kopa gore go potlakelwe seemo sa tlhaelo ya metsi kwa Khudumelapye. O tlhalositse fa le bogologolo kgaolo ya Morolong e ne e le sefalana sa go jesa lefatshe la Botswana. A re go ka ngomola pelo gore e re morago ga go abelwa matlo, ba palelwe ke go a tlhokomela le go a somarela.O kopile bana bao gore ba seka ba sutisa batsadi ba bone mo matlong ao gonne a agetswe bone. Ba re se se supa gore ke morongwa wa tlhwatlhwa, e bile ba solofela fa a tla tsweledisa thomo ya bone kwa palamenteng. Go sa le foo Kgosi Hetanang o kgadile bobe mokgwa wa batho ba ba nnang mmogo lobaka ba sa nyalana a re mokgwa oo ke one o rotloetsang diphapaang mo malwapeng. Mo dikgannyeng tse dingwe, mokhanselara wa kgaolo ya Disana Rre Rizerua Kazenambo o kopile kahnsele go emela ka dinao kgang ya go atswa banni ba malwapa a a ranyegileng kwa kgaolong eo. O ne a latelwa ke Dr Pipedi Tshekiso yo o neng a tlhalosa fa bogosi jwa motse wa bone e le jwa matsalo, mme a wela ka go re kgosi ke kgosi ka morafe, go latelwe tsamaiso ka kgololesego, boammaaruri le go direla dilo mo pepeneneng kwa ntle ga go soka dirope. Rre Kgothang o ngongorega gore motsana wa Masope o o nang le batho ba le 155 o beilwe ka fa mosing, le mororo metsana ya seemo seo e akaretsa Kgesakwe ya batho ba le 74 e diretswe thulaganyo e e maleba ka fa tlase ga thulaganyo ya go tlhomamisiwa ga metse. Ba kopilwe go ela matlapa tlhoko Mme Keeme Jimmy wa lekalana la twantsho diji le mohero o tlhalositse fa ba ne ba tsibogela selelo sa banni ba Samedupi ka go tla go ba ruta ka go lwantsha motlhwa. A re go botlhokwa gore batho ba tsenye letsogo go e imolola morwalo. A re temo-thuo jaaka kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho tsa yone a supa fa kgwetlho ya ntlha e le gore pula ga e ikanyege. Rre Madome o tlhalositse fa Bobirwa a na le mafelo a a tshwanang le Tuli Block le Mashatu Game Reserve a a humileng diphologolo tsa naga ka mefuta jaaka dithutlwa e bile a etelwa gangwe le gape ke bajanala. Rre Rapson a re ka 2013, rraagwe o ne a mo rolela marapo go tsweledisa kgwebo ya bone, ka bogodi bo ne bo itelekela a sa tlhole a kgona jaaka pele. A re go kgobisa marapo go bona Batswana, segolo jang banana, ba goga dinao go dirisa mananeo a mmuso le go tsena ka mmetela mo temo-thuong ntswa ele yone e ka tswakanyang itsholelo, go nyeletsa lehuma le go fedisa selelo sa letlhoko la ditiro gammogo le go emisa go ikaega ka go reka dijo kwa mafatsheng a mangwe. Mme Tema o ne a tlhomamisetsa batsena-tiro eo fa ba botsogo ba tshwaragane le bogogi jwa motse ba tlaa dira ka natla go tlhokomela dikago tseo. Mokhanselara wa kgaolwana ya Kasane legare, Rre Sharps Munihango a re matshwenyego a tsela eo a teng le khansele ya Chobe e a itse. Batswana ba kgothaditswe go ikanya Modimo ka ele ene a ka kgonang mathata otlhe a batho ba tsayang gore ga a kake a fenngwa go akarediwa le malwetse tota. Tona wa Ditsha le Matlo, Rre Prince Maele, o kopile balemi go busetsa serodumo sa temo kwa se neng se le teng fa lefatshe leno le tsaya boipuso. Mme Kachana o boletse fa ba tshwenngwa ke seemo sa matlakala a a sa kgaoganngwang ka dikarolo jaaka ditshipi, dipolaseteke, dithaere. A re metlhale e mesha ya temo e ka thusa go menagane go ntsha thobo e e bonalang ga mmogo le go baakanyetsa temo nako e sa le teng. Modulasetilo wa khansele ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Botokanyana Motoroko o solofeditse fa thulaganyo ya go anamisa dijo e tlaa tokafadiwa mo setlheng se se latelang sa thuto, a tlhalosa fa bothata jo bo santse bo bakwa ke neelano ya ditiro ka gore thulaganyo eo, e ntse e dirwa ke ba goromente yo motona. Seo se builwe ke mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Tutume, Rre Kabelo Tshekiso mo bokopanong jwa babereki bao bosheng. O ne a tswelela ka go supa fa go sa thuse sepe gore ka nako tsotlhe mapolotiki le badirelapuso ba supasupane ka menwana mme ba kopanye ditlhogo go tswa ka maano a a ka fedisang dikgwetlho tse di lebaneng setshaba sa lefatshe leno. O boletse fa morafe o dumalane gore pulo semmuso ya leobo le e dirwe ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi. Mme Morwaagole a re gape ba ba tsibosa ka melao e e amanang le dikgang di tshwana le kgokgontsho mo malwapeng, tlhakanelo dithoto le melao e mengwe e e amang tsamaiso ya malwapa le ditshwanelo tsa bone. Basekisiwa ba tlaa iponatsa fa pele ga lekgotla Phatwe a tlhola malatsi a le mabedi. Banni ba Lesenepole ba paletswe ke go ntsha leina la yo o ka nnang kgosi ya motse oo morago ga gore o tlhomamisiwe ka fa malaong go nna motse. Rre Garebolele a re letsatsi leo le kgonne go ngoka bajanala ka e rile morago ga tiro eo, ba simolola go tshologela kwa Nata Bird Sanctuary, a akgola tiro eo gore e kgonne go ba bapatsa lefatshe ka bophara. O tsweletse a re go sego letsogo le le abang, e bile seriti sa motho tlhogo ya kgomo. Matshwenyego a ga Mmueledi Moncho ke bonya jwa bosekisi go fefosa dikgang tse di tswang bokgakala jwa 2013. Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Grace Kgari, Mme Letshidile Kokoro o kgothaditse batsadi go netefatsa gore bana ba phepa le gore ba dira tiro ya sekole ka dinako tsotlhe. O tsweletse a re, bontsi jwa balemi ba na le letshogo la go fetola go lema ba gasa mme o gateletse gore ba tshwanelwa ke go tswa mo go gaseng ka go isa thobo kwa tlase. Kokelwana e, e ba e teileng leina ba re See and Treat, e bulwa fa gare ga beke mme e itebagantse le bomme ba ba dingwaga tse di masome mararo go ya kwa go masome mane le borobabongwe. Bonno joo ke jwa bana ba ba dikobo dikhutshwane jo bontsi jwa batsadi ba bone e leng bomaaipaafela ko motseng oo, ga mmogo le go dikologa toropo ya Jwaneng. BOKHUTLO One a tswelela ka go supa fa gona le batsadi ba ba tlang ko go bone bare ba tsholola dikgang, ka gore ba abo ba bone pipamolomo go tswa ko modireng molato a supa fa ba sa dire sentle ka gore se ga se fetsa mathata ar, are badira melato batlhe ba tshwanetse go tsisiwa fa pela go molao o arabela melato ya bone. Mme Galebotswe a re dikereke di tshwanetse go nna sekao ka boitshwaro jo bo lolameng gore ba ba sa tseneng ba kgone go bona bokao jwa kereke. A re o baya dingwe tsa dilwana tsa gagwe kwa Shorobe Baskets ka ke gone kwa bontsi bo etelang teng. Mme Shoshong a re kgwebo e ya gagwe, e fetotse botshelo ja gagwe ka gompieno a kgona go itshetsa le ba lelwapa la gagwe. O ne a kopa le bana go ikgapha mo go tsa tlhakanelo go fitlhe nako ee siameng e goroga, are montate wa lefatshe ga o fele mme ba seka ba itshenyetso bookamoso ka monate wa nakwana. A re bontsi bo dira ka gore semangmang le ene o dira se. O ne a kgothatsa batsadi go phuthologa go tswa ka megopolo e e ka agang go ya pele ka maikaelelo a go tokafatsa maduo ka mafoko a a reng kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa gape wa yo o esi ga o ele. Fa a kaya pharologanyo e e diragetseng go tswa kwa ngwageng wa 1966 go tsena mo go wa 2016, o ne a bua ka ditlhabololo le dikgwetlho di tshwana le tsa letlhoko la ditiro. Go ne go le boitumelo jo bo bogolo kwa Draaihoek mo kgaolong ya Kgalagadi fa sekole se sebotlana sa Bopaganang se ipelela dingwaga tse di masome a mararo se ntse se le teng. O tsweletswe gape a tsibosa banni ba Mmathubudukwane ka molao wa tiriso le thekiso ya diritibatsi. A re mo dinakong tse dingwe, batsadi ba kgoba bana marapo ka go bua dipuo tse fapogileng ka barutabana, bagolo ba bangwe le baeteledipele ba morafe ba akaretsa dikgosi le dikgosana tsa motse. Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, Mme Rantatana a re kgwebo ya gagwe e remeletse thata mo go kwaleng dipampiri tsa dithulaganyo tsa phitlho, go kwala dikipara le go tsaya a bo a tlhatswa dinepe. A re baithuti kwa sekoleng seo e sa ntse e le bana fela ba ba kgalemelesegang ka ba sa tsenye barutabana dingalo le gone go ba tlhokela botho, a bua jalo a ntse a iteela batsadi legofi go bo ba ruta bana maitsholo a a eletsegang gore e tle e nne baeteledipele ba lefatshe leno ba ba popota. Ba amogela thuto ka go lwantsha diji Rre Selalelo Mpotokwane go tswa ko lekalaneng la dipatlisiso tsa dijo, le ene o iteetse kobo moroko ka botlhokwa jwa di tswa tonking segolobogolo tse di jewang. Mme Boingotlo a re o santse a dirisanya le ba lephata la boipelego. Moruti o supile fa kereke nngwe le nngwe e tlaa bo e diragatsa, mme a ba kopa gore ba tle ba ipapanne le gone go tla ka nako gore ba kgone go nna le sebaka botlhe. Ga ke re lo seka lwa rua kgotsa lwa lema, mme fela potlakelang mananeo a mangwe a a ka lo ntshang mo lehumeng, Rre Kwerepe a tlhalosa. O kopile banni go nna pelotelele ka jaana kgang e tla rarabololwa. O supile fa gape ba kgontshitswe go dira sentle ke go tlotlana ba bo ba tlotla le barutabana. Monana mongwe, Rre Kagiso Kasefitlhela yo a thusitsweng ka lenaneo le ebile a butse kgwebo ya thuo ya dikgomo ya leina la Ikemela Farm o ne a leboga lenaneo le fela thata ka le mo ntshitse mo lehumeng,a kaya fa a na le moraka wa dikgomo tse di masome mabedi le bone. Ba ne gape ba kgaogana le batho lefoko la Modimo go leka go kgalema ditiro tsa borukutlhi le go nwa bojalwa, ga mmogo le go dirisa ditagi, ba supa fa e le tsone di oketsang mathata.Fa a ntsha mafoko a malebo kwa bofelong jwa tiro, Kgosi Lotlaamoreng o ne a supa matshwenyego a dikotsi mo kgaolong, mme a akgola botlhe ba ba nnileng le seabe mo merapelong eo. A re kokoano ya mofuta oo e itebagantse le gore batle go itshekatsheka ele borre go bona gore seabe sa bone e ka nna eng mo go busetseng kagiso le thitibalo mo malwapeng le mo setshabeng ka kakaretso. Le seka la mo felela pelo mme le itetle go bereka le ene sentle, ga gatelela jalo Kgosi Kgari. Dithapelo tse, di ne di tla jaana morago ga boikuelo jwa ga tautona mo setshabeng go retologela kwa Modimong go kopa tharabololo ya leuba le le neng le apesitse lefatshe leno kobo ka letshoba. Kgari o tsibogela seemo sa maduo a baithuti O boletse gore keletso e nngwe ya mokgatlho ke go bona kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami e na le sekole sa ba-na-le-bogole se se nang le ditsompelo tsotlhe. O kopile gape gore banana ba adimiwe madi ba fiwe dipolasi ba rue ditonki ba tsene mo kgwebong e go bolelwang e na le letseno le le kalokalo. O tlhalositse fa leso e se selo se se tlwaelesegang, mme fa nako eo e tsile, batho ba tshwanetse go amogela se se diragetseng. O supile gape fa ditshupo tseo di neela molemi monyetla wa go ka ipapatsa segolojang fa e le molemi wa mogwebi. Arch Bishop Mereyabone a re e re le ntswa puso e leka ka bojotlhe go thusa ba ba tlhokang, khansele e tshware phage ka mangana ka go tlhokomela batlhoki, dikhutsana le ba-na-le bogole ka dijo kgwedi le kgwedi, selo se a reng se tshwanetse go tshwaraganelwa ke dikereke, maphata a puso, dikompone le setshaba ka kakaretso go imolola puso. Mokhanselara wa Lerala Bophirima, Rre Gabagopole Sebele o ne a supa fa Batswana ba setse ba le mo seemong sa go ikgaoganya ka dilo di tshwana le sepolotiki, metse le dikgotlana mme a gwetlha botlhe go tshwaragana a bolela fa tse di kgaoganyang Batswana di kgona go senya kagiso e e ntseng e rena. Letlhakeng o ipelela ngwao Mogodi o itshetsa ka dikgole O supile gore lengwe la mabaka a gore kgokgontsho e bo e kare ga e laolesege ke gone gore dikgang tsa teng ga di begiwe. Tautona o boletse fa puso e ikaelela go buisana ka tse di amang matshelo a diphologolo le batho ba ba nnang kwa dithoteng tsa diphologolo jaaka bokone jwa lefatshe leno. Rre Motlhaping a re mo nakong e e fetileng o ne a tshwanela ke go latela bana ba ba neng ba kwala lokwalo la bosupa ko malwapeng ka bane ba sena kagtlhego ya go kwala fa bangwe batsadi ba bone ba ne ba ba tsweletse mo matlong. A re ditlhare di tshwanetse tsa kgaolwa ka dinako tse diriling gore go fe tebego e ntle mo toropokgolo. O tlhalositse gore seemo sa pele se ne se babalela thata bana-le-bogole le bagolo ba ba sa kgoneng. Mo go tse dingwe bogogi jwa motse oo bo ne jwa lela ka matlhoko a motse jaaka tlhaelo ya matlo a bodiredi, go okediwa ga kokelwana ya motse ga mmogo le kago ya ofisi ya sepodisi le sekole se segolwane tse ba reng ba sale ba di solofeditswe. Kgosi George Thwane wa Artesia o rotloeditse batsadi ba motse wa gagwe go tsaya karolo mo thutong ya bana e le tsela nngwe ya go ba betlela isago e e molemo. O tlhalositse gore ditalama tsa bokhanselara le tsa bopalamente di tshwanetse go balwa nako e le nngwe fela. A re go tlhokega gore ba itse gore madi ao ke a kadimo, ditsha di bo di teratetswe, di na le metsi, dithuto tsa kago ke boikarabelo jwa bone e le beng ba ditsha le gore fa baagi ba sa dire mo go tshwanetse ke bone ba tswanetseng go tsaya dikgato ka go ikgolaganya le BHC ba e leng bone ba laolang beng ba dikonteraka. Mogolwane wa ofisi ya banana kwa Sebina, Mme Malebogo Tlale, a re banana kwa motseng oo, ba itsapa go akanya segolo jang fa go tla mo go reng ba batla go dira dikgwebo tsa mofuta ofe. Ba re mogwebi mongwe le mongwe o ka direlwa karata e a tla e dirisang go nwa metsi ka yone gore mongwe le mongwe a kgone go a somarela. Rre Komboni a re madi ao ga se a bone ke a batho ba ba kolotiwang, jaanong go mosola go nna le letlole kwa madi otlhe a tsenngwang teng fa a sena go tsewa kana morago ga thekiso. Ba tswelela ba supa fa baeteledipele bangwe ba na le mokgwa wa go solofetsa batho diphatlha tsa mebereko fa ba ka tlhakanela dikobo le bone. Tona Molefhi o boletse fa ditlhabololo di dirwa kwa ntle ga dipharologano tsa diphathi tsa sepolotiki. Basekisiwa ba le bararo ba ba lebaganweng ke molato wa go utswa leruo ba tlaa letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo. A re morafe o seka wa ikaega thata ka puso o bo o iketla, a re ba lope go tsenya letsogo ka go tlaa ba tswa thuso. A re go supagetse fa bareki ba mafatshe a sele ba kgatlhegela nama ya leruo le le jang bojang jwa tlholego fa go bapisiwa le tse di jesiwang dijo tse di itiretsweng. Fa a ntsha lefoko la kgothatso Dr Reginald Oats, mongwe wa baithuti ba pele sekole seo, o ne a kgothatsa baithuti ba sekole seo go itoma molomo wa tlase mo go tlhomamiseng gore ba fitlhelela ditoro tsa bone. O supile fa ba ba tshwerweng ba ne ba isiwa fa pele ga lekgotla la Setswana la Bobonong go arabela melato eo, mme ba bonwa melato ya go gweba le go nna mo lefatsheng leno ka bokukuntshwane mme ba atlholwa makgolo a mabedi a dipula mongwe le mongwe wa bone pele ga ba busediwa gae. Rre Kgafela a re go botlhokwa gore ditirelo e nne tsa sennela ruri go na le go dirwa sogwasogwane fela mme puso e dirisa madi a mantsi mo ditirelong tseo. A re dipego tse dingwe tse di sa jeseng monate ke tsa gore ba komiti ya ditlhabololo tsa metse mengwe ba e leng bone ba eteletseng pele ba ba dirang mo Ipelegeng ga ba dire mo go kgotsofatsang go laola ba ba dirang. E rile a ba kwa kgaba mopalamente Rre Autlwetse a ba lebogela gobo ba ne bam o tlhopha mme a ba solofetsa gore o tsile go ba berekela Rre Autlwetse o ne a ba tlhalosetsa gore ka kgang ya bone ya modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse gore ba batla dituelo o tlaa e fitisitsa kwa lephateng le ele lebaneng.Fa a lekodisa banni ba dikgotla tseo ka tsa kwa mo palamenteng, one a tlhalosa gore palamente e dumelana fela ka bongwe gore tshimologo ya dikereke e tsere phekelo e sele mo lefatsheng leno. A re le dilo tsa gagwe di kgona go rekwa fela thata ka thusa ya ofisi ya nyeletso lehuma. Re dikile re le fa Tsetsebye, ra fitlhela barutabana ba Motswakhumo ba dirile mo go kgatlhang. Le fa go ntse jalo, o ikuela mo pusong gore e tlhofofatse theko ya matlalo a a metsi kwa ntle ga lefatshe leno. A re seo gape se ka thusa puso go lwantsha letlhoko la ditiro ka jaana fa banana ba tsena mo go tsa dikgwebo ba ka nna le sebaka sa go hira ba bangwe. O ne a gwetlha batsadi go tsenya letsogo mo dithutong tsa bana ba bone ka seo se ka thusa thata mo go busetseng serodumo sa sekole seo ka go ka tlisa maduo a a kgatlhisang ka go supegile fa a boetse kwa morago fela thata. O tlhalositse gore ga a itumedisiwe ke ka fa Barolong ba saletseng kwa morago ka teng fa go ipelelwa ngwao, a tlhalosa fa metse e mengwe e setse e semeletse mo go supeng segabone. Maiteko a makhanselara a khansele potlana ya Tutume a go ntsha tshutiso ya go ntsha modulasetilo wa khansele eo Rre Phillip Makale mo setilong a ne a seka a atlega bosheng. Balatedi ba moletlo o ba ne ba itlosa bodutu ka go tshameka metshameko ya ngwao jaaka koi le morabaraba. Mme Bojase o tsweletse ka go supa fa boitshwaro jwa bana e se jo bo kgatlhisang mme se se tlhoka tshwaragano ya barutabana le botsadi, o bile a supa gore fa tirisano e ka nna teng, maduo a tlaa tokafala. O boletse fa go le botlhokwa gore molemi a apare diaparo tsa itshireletso fa a dirisa ditshefi ka jaana di sa tshwanela go amana le letlalo ka gope, le gone go netefatsa gore ba baya ditshefi fa go babalesegileng. A re ba lemogile gore batsadi bangwe ga ba dire go lekanye mo kgodisong ya bana, ke ka moo ba boneng go tshwanela go rulaganya letsatsi leo go ba tlhatlhelela ka jaana botsogo e le jone botshelo jwa motho. Mme Khumalo a re, tiro e ya boithaopo, e mo dirile gore a ikage a bo a amogele seemo sa gagwe ka lorato. O kaile fa maikaelelo magolo a dkgaisano tse e le go itsaane, go tsosolosa le go somarela ngwao mo merafeng ee farologanyeng mo lefatsheng leno, ngwao e tshwana le kapari, mmino teme le tse dingwe. Mme Kachana o boletse fa ba kile ba nna le seemo sa go tshwana le se ngogola fa gone go o osha letlhakore le go latlhelwang dithaere teng, a bolela fa ditlhotlhomiso di sa kgona go netefatsa se se bakileng molelo oo. O ne a gwetlha makhanselara le badirelapuso ba ba nang le dithata go ema ka dinao ba tshwaragana ka go tsweledisa ditiro le ditlhabololo tsa kgaolo tse di saletseng kwa morago gore kgaolo ya kgalagadi borwa e tle e kgone go tlhabologa. Mme Gorata Rantatana, wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa, a re kgwebo e ya gagwe e bidiwang GORTAH PRINTING e digela ngwaga e ntse e dira ka a e simolodisitse ka kgwedi ya Phukwi ngwaga o o fitileng. Mme Masisi a re go swabisa nko go feta molomo go bona matshelo a santse a latlhega ka bokete jo bo kalo, le mororo puso e ntshitse diritibatsi tse di tsewang mahala. Lepodisi la pharakano mo Letlhakane, Inspector Given Masole o ne a supa fa ba tshwenngwa ke gore badirisi ba dikara tsa ditonki ga ba didirise tsela sentle ba kgweetsa ba iphetisitse dino, gape ba sa golega ditonki sentle, a tlatsa ka go re go dira jalo go ka baka dikotsi. Magakwa a tshetsa bomme Moeteledipele wa kereke ya Keresete Motswedi o supile fa lefelo leo le tshwanetse go tlotlwa thata le gore balatetedi ba kereke eo ba tshwanetse go le obamela le go le dirisa ka tlotlo e e kwa godimo ka dinako tsotlhe. Lemang dijalo tse di siametseng dipaka tsa gompieno A re mo nakong ya gompieno ba khansele-potlana ya Moshupa ba ba thusitse ka go rema sekgwa se se neng se le kwa lebaleng leo. A re one manyalo a a na le seabe go rotloetsa boimana jwa dingwaga tse di ko tlase, thobalano ka dingwaga tse di ko tlase le tse dingwe tse di fatlhang. O rotloeditse bana ba sekole sa Metsibotlhoko gore ba seka ba digela maduo a bomogoloabone kwa tlase, a kopa gore ba a tsholetse go feta a gompieno mo ditlhatlhobong tsa monongwaga. O kaile fa sephatlo sa bana mo sekoleng seo ba ne ba sena ditlhako gotlhelele selo se a reng se tlaa tiisa bana ba sekole seo moko le go feta go tla sekoleng e bile ba na le seriti. A re ntswa dikgwetlho di le teng tse di akaretsang go goga dinao ga batsadi bangwe go tla go saenela bana le go tlhaela ga dibuka mo go felelang go baka gore bana ba di kopanele, ga ba kgobege marapo ka ba ikemiseditse go tokafatsa maduo a sekole seo. Mo mabakeng a pereko a bodirelapuso, mmuso o tlhalosa fa o isitse kwa lekgotleng le le sekasekang dituelo tsa badirela puso la Public Service Barganing Council dikgang tse di amanang le go duela madi a dikadimo a dikoloi le matlo tse di rekilweng ka thulaganyo ya mmuso gore matlo a okelediwe sebaka go tswa mo dingwageng tse di lesome go ya kwa go tse di masome a mabedi, boroko jwa mahala jwa batho b aba direlang kwa metseng ee kgakala le ditlamelo, maranyane a internet a mahala le thulaganyo e e haphegileng ya dikadimo tsa SHHA ya badiri ba dituelo tsa D4 go ya kwa tlase le gore badirelapuso ba letlelelwe go tsena mo dikgwebong. A re gape o betla digo tsa metsi le tse di kgabisang, tse a di dirang ka makgomane a a omeletseng. Boeteledipele jwa rona ke jwa neelano, a re ithuteng go le gontsi mo mabutswapeleng a phathi ya rona, ga bua Rre Balopi. Mongwe wa banni ba Borakalalo Rre Gape Kehaletse, e rile a ntsha la gagwe a buwa fa sekolo sese botlana sa Borakalalo setlhaelelwa ke matlo a borutelo le gore baeletsa gore tsela ee tsamaelang kwa mabilteng e tshelwe senkontere. A re tiro eo, o e simolotse morago ga gore a bone mme mongwe a dira tiro ya mofuta oo mme a nna le kgatlhego ya go ka e dira gore a kgone go itshetsa ka yone. O ne a kgothatsa borre le bomme go tlotlana ka nako tsotlhe go fedisa seemo se. Ba Sepalamoriri ba kgala polao ya masea Mooki go tswa kwa kokelong eo, Mme Kefeletswe Lorekang o tlhaloseditse BOPA gore e ne ya re morago ga gore ba kokoanye madi a a ka tshwarang dikete tse thataro ba tsaya tshwetso ya go phutha setshaba ba se ruta ka dikgang tsa botsogo ga mmogo le malwetse a tlhakanelo dikobo. A re mo nakong eno, kgwebo ya gagwe ee nang le ngwaga di le nne, e sa ntse e sokola ka ga ise e fitlhe fa a batlang e ka nna teng mme a gatelela fa a batla go bona kgwebo ya gagwe e godile e bile e na le mmaraka oo kgotsofatsang. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Mmatseta, mme Matsema Segone o lebogetse thulaganyo e e tsweletseng ya go tllhabolola motse oo, ka kgokelo ya motlakase o ba kaileng ba sale ba o letile ga mmogo le tlhomamiso ya ga Kgosi Robert Sebego. Morafe o ntshitse P100 000 go tswa mo letloleng la madi a a abelwang dikgaolo tsa botlhophi go dira ditiro tse ba bonang di le botlhokwa mme di sa akarediwa mo mananeong a ditlhabololo. Morui yo, o tlhalositse fa e ne ya re morago ga dikgwedi tse pedi a sena go simolodisa kgwebo e, dipodi tsa gagwe tsa tsala dipotsane di le lesome le boferabongwe. A re e ne ya re kwa tshimologong kgwebo ya gagwe ya seka ya dira sentle ka ntlha ya go tlhoka mmaraka,mme a seka a itletlelela go fenngwa ke mowa wa boitlhogo. Mogolwane wa mapodisi a kgaolo ya Dibete, Superinterndent Phineas Makwaeba, a re dikotsi tse di tsweletseng ka go gapa matshelo a batho le go tlogela ba bangwe ba na le bogole di ka fokotsega fa bakgweetsi ba ka simolola go obamela matshwao a tsela le go emisa go itontela dino fa ba kgweetsa. A re o dumela gore lehuma ga le na go tshamekela mo go ene mme e bile o supile fa rotlhe re tshwanetse ra tsaya boikarabelo jo bo feletseng jwa go leka go thusa puso go lwantsha lehuma. O ne a supa fa ba thusitswe ke puso le ba khamphani ya DEBSWANA gore letsatsi leo le atlege. O ne a re o tshwentswe ke batho ba ba ikokeletsang ditsha, a re go dira jalo ga go ka fa molaong, e bile go kgoreletsa mealo ya metsi le motlakase. Kgosi Monyemana o buile se mo khuduthamageng ya marara a Kgalagadi Bokone e e neng e tshwaretswe mo Hukuntsi maabane. Ditlhopha di le lesome le bosupa di ne di iteisana borathana di ipaakanyetsa makgaola kgang a ai tlang ka malatsi a ga tautona. E ne e le megolokwane kwa kgotleng kgolo ya Mogapinyana bosheng fa banni ba koo ba ne ba amogela dimpho go tswa mo dikomponeng tse di farologanyeng jaaka Pep Holdings, Yarona FM, Ladies Circle le tse dingwe go tswa kwa lerala. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Machaneng mo kgaolong ya Legare bosheng, mogolwane go tswa mo ofising ya banana, metshameko le ngwao kwa Mahalapye, Rre Thulani Caiphas o boletse gore banana ke bone ba bantsi mo lefatsheng leno ka jalo ba amilwe thata ke letlhoko la ditiro, ke ka moo puso e boneng go tshwanela gore e ba thuse ka mananeo a a ka ba ntshang mo mebileng. Mme Lorekang o ne a kaya fa ba roletse ba khansele letlhoko la bone mme ba kaile fa mo nakong ya gompieno go sena madi a a ka agang matlo a borutelo a mangwe fa e se fela gore ba fokotse bana go ba isa kwa dikoleng tse dingwe mo motseng oo ka di le tharo ka palo. Rre Ntwaagae o ne a supa matshwenyego ka ditlhare dingwe di tshwana le sa mokoba se a bolelang fa a sa se bone thata ka se rengwa thata e bile bangwe ba ba agelelang dipolase ba se dirisa thata. E rile banni ba ikuela mo mopalamenteng wa bone mo phuthegong ya kgotla ka Labone ba supa fa kgwedi e kgona go wela ba sena metsi bogolo jang kwa ditsheng tse di beilweng bosheng. Ga go hakgamatse go bona batho ba bapile le tsela ba rekisa dimonamone kgotsa dijo mme motho a ipotse gore fa o batla go reka o rekela mang o tlogela mang le gone gore a dipoelo ke tse di kgotsofatsang kgotsa jang? Kgosi o ne a kopa gore go dirwe seo ka neelano, lerato, tlotlano le go nna seopo sengwe. Le fa go ntse jalo, Rre Motoma o ne a bolela fa a le maswabi go bo go sa ntse go na le malwapa a a nang le ditlhong tsa go ntshetsa ba-na-le-bogole mo pontsheng. Mo go tsa madi, Mme Rantatana a re o itshimololetse kgwebo e ka madi a a tswang mo pateng ya gagwe. Father Mantu o ne a neelwa sebaka sa go abela bangwe ba batho ba ba tlhokileng lesego dimpho go tswa kwa lekgotleng la baruti. O bolela gore e rile morago ga moo, o ne a tlelwa ke mogopolo wa go tshela ka mowa wa bopielego, mme ke fa a tsaya temo ya merogo e e neng e dirwa ke rragwe, Rre Kapena Rapson ka tlhwaafalo. Modise Tshetlhoyagae a re ene o kopa gore baeteledipele ba lephata la metsi ba bidiwe gore ba tle go tlhalosa gore mathata ke eng le gone gore ba tlaa thusa jang go ya pele. Dr Tombale o buile se mo thuto-seka-dipuisanong e e neng e itebagantse le bogodu jwa leruo mme e rulagagantswe ke ba komiti ya twantsho borukutlhi mo Lerala bosheng. Fa pula e nele thata dikoloi tse dinnye di tshwana le mebotorokara ga di kgone go ralala metsi a, mme go kgone go feta dikoloi tse ditona fela, ka jalo mesepele ya batho bao le ditiro tsa bone di a ema, ga bua Kgosi Bampusi. Kgosi David Ramokwena ene o supile fa go le botlhokwa gore go tlhamiwe komiti e e tla gakololang kgosi, a supa fa batla fetwa ke dilo tse di mosola mo kgaolong ya bone. Mopalamente o buile se mo diphuthegong tsa kgotla ko metseng ya Gakgatla le Thamaga Bophirima fa a ne a lekola banni ba kgaolo ya gagwe. Rre Autlwetse yo gape e leng mopalamente wa Serowe bokone e ne e le sebui sa tlotla ka letsatsi la go ipelela le go ntsha dikgafela kwa Moshupa ka Labotlhano. O tsweletse a re ntlha e nngwe e e tshwenyang thata ke boimana jwa kgapetsa-kgapetsa jwa ba ba mo diritibatsing, a re seo se supa fa go na le kgonagalo ya go anamisa mogare ka seo se supa fa batho ba sa dirise tsa itshireletso. Kgosi Charles Bimbo o ne a akgola thata morutabana wa pele Rre Fannuel Mmereki yo e leng mogokgo mo sekoleng se sebotlana sa Werda ka tiro e ntle e a kileng a e supa mo sekoleng seo ka a ne a dira ka natla mo go tlhomamiseng gore maduo a sekole seo a nna botoka. Mo phuthegong e e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya Borakalalo, Rre Khan o ne a fa sekai ka gore Molepolole ga a na lekalana la ditima molelo. A re mogodimo ga moo ba na le letlhoko la dikoloi ka jaana mo nakong eno ba na le dikoloi di le pedi fela tse ba di dirisang go thusa kgaolo yotlhe ya Boteti. O kopile banana go tsena diphuthego tsa kgotla ka bontsi go ithuta tse di buiwang kwa dikgotleng, a re di ka ba ruta go nna le boikarabelo. A re selo se se baka dintwa mo motseng le mo malwapeng tota, ka go sena kagiso fa gare ga batho baa b iphitisang dino kgotsa ditagi. O boletse gore bodiredi jwa kokelwana bo tshwentswe ke dipalo tse di tsweletseng ka go oketsega tsa bomme ba ba imang mme ba sena tse di tlhokegang jaaka diaparo le dikobo tsa bana, melora gareng ga tse dingwe. Ene e rile gole pele Kgosi Sediegeng Kgamane a amogela morafe are ere ntswa dipula tsa ngogola di nele morago ga nako mme ebile dina ka bontsi goa nametsa gore abo ba kgonne go bona sengwe kwa masimo mme ba tlaa ora molelo wa mariga. Rre Gaoforwe o ne a kgothatsa bagwebi go tsena mo dikgwebong tse ba di ratang ka lorato e le lone le le ka ba kgothatsang fa kgwebo e sa dire sentle go na le go dira kgwebo e ba tsayang gore e tlaa tsenya madi ka bonako mme o sena lorato mo go yone. Moithuti yo o gaisitseng o ne gape a ikgapela dikete tse pedi tsa dipula, fa ba ba tsereng A, ba filwe makgolo a matlhano mongwe le mongwe gammogo le megala ya letheka go tswa gone kwa Mascom. Go ntse go le foo, o akgotse puso go tswelela ka go loga maano a go thusa Batswana gore ba inoge mo lehumeng mme a kgothatsa banana go itsolopanya go ikopela mananeo a tshwana le Youth Development Fund go itshimololela dikgwebo. Maranyane a ka tokafatsa maitemogelo Modiro o, o ne o rulagantswe ke moemedi wa lefatshe la Botswana kwa South Africa le mafatshe a mangwe, Rre Zenene Sinombe. Ke nnile modulasetilo wa PTA kwa sekoleng sa Boitshoko lebaka la dingwaga tse di lesome le botlhano go fitlhelela ke ithola marapo, ke bo ke tsena mo maemong a gompieno. Moithuti wa pele wa sekole seo Maipelo Raselepe, o supile fa ba ne ba bereka ka natla ba sa kgothakgothwe, a supa gore e sa le e re go tloga ka mophato wa bobedi maduo a bone a bo a sa itumedise, mme e rile fa ba dira lekwalo la bosupa ba itoma molomo wa tlase. Balemi ba ka itlhophela gore ba adime bagwebi ba batona baba ka kgonang go lema gore ba leme mme bone e le beng ba masimo ba atswiwe kebagwebi bao ba ntse ko malwapeng go na le gore ba nne le dikgwa tse ba sa dilemeng. O ne gape a gwetlha badiredi bao go dirisanya sentle le molaodi yo mosha, Mme Utlwanang Kerekang. Mme Kgotlaetsile a re kgwebo e tsweletse sentle ka a setse a kgonne go ithekela setsha le go reka khombi e a e hirisang mo meletlong e tshwana le manyalo ka madi a dipoelo. Mme Kesekang o ne a fa a gakolotse banana ba ba nang le keletso ya go simolola dikgwebo ka lenaneo la banana gore ba kope dikgakololo pele ga ba ka simolola. Kgosi o tshwenngwa ke dikiteo Mme Masisi o ne a gwetlha banana go utlwa batsadi le go tsena dikereke gore ba kgone go fapoga dihawa tse di okameng lefatshe. Ba ba neng ba itlhatlhobela madi a matona, sukiri le go bona bokete kana seemo sa mmele (Body Mass Index) ba ne ba nna 94. Ke ne ka sala ka dipudi di supa mme mo nakong eno di atile fela thata. Modulasetilo Solomon a re ke sone se neng sa ba gwetlha go tsosolosa komiti ya bone e e neng ya tlhamiwa ka kgwedi ya Phatwe monongwaga. Ba ditlhabololo tsa motse ba kopa thotloetso mo maphateng Moeteledipele wa kereke ya Keresete Motswedi Catholic, Bishop Valentine Seane o kopile balatedi ba kereke eo mo Kgalagadi Borwa ggo rapela ka thapelo e le yone makgonatshotlhe mo tharabololong ya dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo botshelong. O tlhalositse fa a eletsa gore a thapiwe a bo a duelwa kgwedi le kgwedi gore a kgone go tlhabolola botshelo jwa lelwapa la gagwe e seng tiro ya nakwana jaaka go direga mo nakong eno. Kgosi Kgari III o tlhalositse gore, ke gwetlhilwe thata ke maduo a sekolo se segolwane sa Kgari Sechele a tswang kgakala a sa tokafale. Rre Seloka a re molapo wa Sampopela o setse o epegile mo e setseng ele noka. O bile a kopa bareki go tshwara madi ka kelotlhoko go itsa go oka dirukutlhi. E ne e rile go le pele mopalamente Rre Moremi a ba itsise ka melawana mengwe e e botlhokwa e a neng a bolela fa a bona e ka ba sologela molemo kwa Ngamiland. A re o lemogile fa go na le phetogo e ntsi fela thata ka dikgang tsa dintwa le bogodu ja leruo di ile ko tlase mo tikologong ya moraka wa bone. Modulasetilo mogolo o ne a tswelela ka go kaya fa ba ne ba ama gape dikgang di tshwana le go ruta banni ba metse eo ka kgokgontso ya bomme le bana, malwapa aa thubegang ,tsa tlhakanelo dikobo,le tse dingwe. E rile a bua kwa mogwantong wa dikhilomethara tse masome mabedi, o o neng o rulagantswe ke kereke ya UCCSA kwa Lentsweletau, Col Motlalekgosi a bolela fa maikaelelo a tshwetso ya bone e tlaa bo e le go fokotsa ketsaetsego le go abalana kitso ka dikotlhao. A re tsamaiso ya batho ka batho e rotloediwa ke tlhopho ya batho mme fa tlhopho e seyo puso ya batho ka batho ga e na boleng. O tlhagisitse setshaba go nna kelotlhoko mo thulaganyong ya tiriso ya maranayane go re ba seka ba iphitlhela ba tsene ka dikgoro tsa dikgolegelo ka ntlha ya boitshwaro jo sa amogelesegeng. O tlhalositse ka kgolo ya kereke le tshwaragano e e renang fa gare ga phuthego le moruti wa bone. Rre Sesinyi gape o tlhagisitse batsadi go ela bana ba bone tlhoko ka malatsi ao go tlhomamisa gore ba babalesegile. O ne a ba itsese fa palamente e fetisitse molao-kakanyetso wa dikatso tsa ba ba tlaa angwang ke diphologolo kwa masimo. Mopalamente wa Lentsweletau/Mmopane, Rre Vincent Seretse o latotse gotlhelele mabarebare a a reng tshekatsheko ya nyeletso lehuma e leba gore baikopedi ba na le matlo a sebopego se fe gore ba atlege mo lenaneong leo. E re le ntswa go dirisiwa methale e e farologanyeng go isa melaetsa kwa Batswaneng, Rre Ramaabya o supa fa dikgang tsa bogodu jwa leruo di tsere phekelo e sele ka di oketsega ka lebelo le le kwa godimo. Khan o ngongoregela ditlhabololo A re monate wa go rua dipudi ke gore di bogadi bo gaufi mme a supa fa a raletse dikgwetlho ka a simolotse kgwebo a sena maitemogelo a yone. A re go simolola kgwebo eo go ne go se motlhofo, mme ka a ne a na le maitlamo, a seka a ipona tsapa, a tlhalosa fa a ne a rekisa ka keribane. Maiteko a puso a a bonala Re ne re babalelwa ke madi a a rekang dijo mo marekisetsong jaanong re batla go itshetsa ka dijo tse re di lemang kwa masimonga tlhalosa. O ne a re go lebane gore ka fa maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse a tshwarwang ka teng, e nne fela jaaka ba dikomiti tsa batsadi le barutabana le bone ba tshwarwang ka teng. A re bana ba ba sa apareng paka ya sekole e e feletseng ba itemoga fa ba le pharologanyo le ba bangwe, mme se se ka ba utlwisa botlhoko mme se ame maduo a bone. O ile a supa fa ba thusa dikgwebo tse e leng gore ga di na madi a go reka dithoto fa ba bone dithendara, e le karolo fela ya bontsi jwa mananeo a bone. Erile a aba dimpho tseo Rre Patrick Oats a tlhalosa fa maikaelelo a bone e le go supa lorato le boutlwelobotlhoko mo go bone. Rre Kaboeamodimo a re go setse go rotswe matlo a lenaneo le a le makgolo a marataro le masome a mararo le borobabongwe fa a le masome a mararo le bobedi a sa ntse a agiwa, a robabongwe one a fedile. A re beke eo e direletswe gore ka nako e go senang motlakase, moithuti a seka a tlhoka go dira tiro ya sekole. E ne yare morago le ene a fa ba Mogapi le Mogapinyana dikobo di le lesome le kolotsana ya ba-na- le bogole motse mongwe le mongwe, fa kwa Mogapi a ntshitse P5 00.00 ele seabe sa kago ya lebala la setlhopha sa kgwele ya dinao sa Terrors. A re o ne a ithuta go loga dime,ditoropo le go dira ditilo tsa dikgole rraagwe a sa le botshelong. Barui bangwe ba dikoko le bone ba senyegetswe fela thata morago ga pula e ya selekanyo sa dimmilimithara tse 219. A re ba lemogile gore bontsi jwa dikotsi tseo di ama banana thata a tlhalosa fa dipalo tsa bagolo di le ko tlase a supa fa bone ba amiwa thata ke go thulwa ke dikoloi thata. Kgosi Maforaga, yo o neng a amogana ditso tsa Palapye le morafe le badiri ba seromamowa ba e neng e le baeng kwa kgotleng ya gagwe, o ne a tlhalosetsa morafe ka lefelo la sekole se sebotlana sa Central, a re golo foo e ne e le lefelo la kgaso ka dingwaga tsa ntwa ya lefatshe ya ntlha (First World War), le dirisiwa ke ba British Broadcasting Corporation (BBC). Rre Molatlhegi o tlhaloseditse banni fa go tlaa nna le madi a ditiro tsa morafe a a tlhabololang mo metseng, a morafe o ka a dirisetsang ditlhabololo tse ba di batlang. Kgosi Nkgageng o ntshitse matshwenyego a mo potsolotsong le BOPA bosheng, a supa fa dikgang tsa go thujwa ga matlo go tsentse tsebetsebe mo banning le mapodisi. Go begilwe fa mosadi mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le boraro le monna wa dingwaga tse di masome mabedi le bone ba kgotla ya Ntswaneng kwa Mochudi ba ne ba kgothosiwa ke banna ba le bane ka Tshipi ka nako ya bobedi mo mosong. O galaleditse UCCSA go phutha baphuthegi ba yone ka ba ne ba sena fa ba obamelang teng mo lebakeng le leleele. O supile fa kgaolo ya Kweneng e setse e kwadisitse ditsha di le masome a mabedi le borataro mo lekgolong, mme kwadiso ditsha e ya bokhutlong kgwedi eno e fela. O tsweletse a supa gore botshelo bo thata mo kgotlaneng ya gagwe ka jalo go ne go se motlhofo gore mongwe o ka bona madi a go emeletsa ntlwana ya boitiketso. E rile a ntsha la gagwe, mokhanselara yo o ithophetsweng Rre Macdonald Peloetletse o ne a lebogela pego ya ga Rratoropo a re e bua ka dilo tse di diragalang e bile di ama toropokgolo ka karetso. Fa a bua ka tiro ya letsatsi, Kgosi Nkgageng o supile fa a eletsa gore dithapelo tsa pula ga mmogo le ditebogo di tswelele le mo nakong e e tlang ka jaana ba setse ba bone maduo a tsone. Ba ngongorega ka tiego ya ditlamelo O ne a fa sekai sa go re fa mosadi a nyalwa, go ntshiwa kgomo ya patlo, mme go ntshiwe le dikgomo tsa bogadi, selo se fa se dirwa kgapetsakgapetsa e nna tlwaelo, e bo e nna mokgwa kwa bofelong se bidiwe ngwao. Rre Mokgothu o tlhalositse fa batsadi ba kgona go kgalemelela bana gore ba seka ba dira dilo tse di sa siamang jaaka go apara diaparo ba di tlhanolotse, a supa fa se se dira gore bana bao ba gole ba na le tlwaelo e e siameng. O ne a tlhalosa fa batho ba tshwanela go itse fa ‘kgosi e le kgosi ka morafe wa yone, ka jalo go le botlhokwa gore batho fa ba tsena mo kgaolong ba ithute tsamaiso mo beng-gae. Mokhanselara wa Salajwe Rre Lopang Sebutlenyane, o ne a lela ka bothata jwa gangwe le gape jwa go tlhoka maiteko a a dirwang go tokafatsa seemo sa tsela ya Letlhakeng/Salajwe e a supanag e tswa kgakala e le matshwenyego a kgaolo eo. Re ntse re le foo, o ne a gwetlha balemi-barui go inaakanya le temo-thuo gore ba itse botlhokwa jwa yone mo go direng dijo. Mmakaseterata Odirile Mokgatle o ne a laela gore basekisiwa ba letele tsheko kwa ntle ga kgolegelo mme mongwe le mongwe a itlame ka dikete tsa dipula di le tharo gammogo le go tsisa batho ba le babedi ba ba tlaa itlamang ka sekete le sephatlo mongwe le mongwe. O ne gape a tlhalosa sa fa ba dule ka maano a baka itirelang madi ka one ,mme ba buisana le kompone ya BTC gore ba phepafatse dithawara (Tower)tsa bone, kopo ya bone ene ya atega ,a supa fa ba duela P6000 go phepafatsa ya Makgaba,ya Mokubilo yone ele P2500 a bolela fa ba kopile gape mo go ba Mascom le Bofnet le ba lephata la ditsela go ba fa sekgele sa dikilomethara di le masome a mane(40km) mme ba santse ba letetse phetolo. Father Mantu a re e le ba lekgotla la baruti ba ne ba tsena ntlo le ntlwana ba kopela batho ba ba tlhokileng lesego mme ba bona dikobo di fera bongwe le kolotsana e e dirisiwang ke ba-na-le bogole. Rre Mochanang o ne a rotloetsa banni go dirisa lenaneo le ka le ntsha maduo a a bonalang e bile le thusa ka go tlhama mebereko mo motseng. Tautona Khama a re ba supile fa banana ba tlhokometswe ka mananeo a bone mme bone ga gona sepe se ba ka ithusang ka sone. O ne a tswelela a tlhalosa gore e le ba sepodisi sa Lobatse ba malala a laotswe go netefatsa gore baagi ba Lobatse ba tswelelela ba babalesegile. A re yo o tlhabilweng thobega le yo o neng a dira ba ne ba sa tshwanela go leba kwa morago fa ba boela lwapeng go tswa kwa lefelong le go neng go dirwa thobega teng, e bile ba ne ba sa tshwanela go bolelela kgotsa go supegetsa ope fa go diretsweng teng. Tse dingwe tse a buileng a sa kgale mathe ganong fa di rotloetsa kgokgontsho ke ditumelo,ditiro le ditlwaelo dingwe tsa ngwao di dirisiwa jaaka seipato go kgokgontsha ba bangwe, go iphetisa majalwa le ditagi,go sa itse ditshwanelo tsa bone ga ba ba amegang,go dumela gore ga gona molato fa rre a mo tsietsa le go ineela mo kgokgontshong ga bomme,bobelotshetlha le dikakanyo tse e seng tsone mabapi le lenyalo le go ntshiwa ga bogadi le tse dingwe. A re bana ka bontsi ba ela sekoleng go thuba dikago, go goga motokwane le go tsena dikereke tse gotweng ke tsa ga saatane. A re gape mokgatlho o tlaa nna o kopanya ba-na-le-bogole mo lefelong le le lengwe gore ba kgone go itumela mmogo le go bua ka tse ba kopanang natso tsatsi le letsatsi mo botshelong. Fa a itebaganya le lekgotla la banana la Mogapinyana, o tlhalositse fa go le botlhokwa go itse gore le phutlhamisitswe ke eng le gone gore le ka tsosiwa jang go simolola tiro e ntle e le neng le e dira ya go tlhamela banana ditiro. O supile fa dipalo tsa tiriso ya bana mo go tsa tlhakanelo dikobo di le ko tlase mme fela dika fedisiwa gotlhelele fela fa batsaya karolo botlhe ba ka dita seabe sa bone, e seka ya nna kgang ya mapodise fela. Baruti ka go farologana ba ne ba rapelela meletlo e, mme ba supa gore jaaka e le lesedi la lefatshe ba tshwanetse ba ema ba le seopo sengwe go itebaganya le dikgwetlho tse gore ditiro tse tsotlhe di atlege. O ne a supa fa ba sa tshwanela go belaela bokgoni jwa bone go ka lema sonobolomo ka go se dingalo e bile e sa tlhoke metsi a mantsi. Ba ba tlaa okelediwang ba akaretsa ba sesole sa Botswana, ba Sepodisi, ba Malomatsebe a mmuso, badiri ba lekalana la tshenyetso sechaba le go gopela Itsholelo le bagolwane ba puso. Rre Monyadiwa o ikuetse mo setshabeng le mo dikomponeng ka go farologana go thusa ka sengwe le sengwe se ba nang le sone go tsweledisa go aga matlwana a mangwe kwa Metsiaela ka mo go dirilweng go ise go lekane. A re selo se se tlaa dirang gore kgwebo ya gagwe e gole ke gore ga a a tsena mo kgwebong a re o batla go dira madi mme o tsene ka maikaelelo a go tokafatsa boleng jwa dilwana ka a dumela gore boleng jwa dilwana jo bo kwa godimo le go nna pharologanyo go tlaa mo ngokela bareki fa go ntse go ya. A re go aba go supa mowa wa lerato le neelano. A re setshaba se emise dikgang tse di tshwanang le gore dilo tsa lelwapa la ga mmasemangmang ga di nkame. Mo nakong eno, o tlhalositse fa a santse a kgaratlha ka go rekisa mo mebileng mme o bolela fa a le mo dipuisanong le mabenkele a magolo go ka isa dithoto tsa gagwe teng. Lorato ke lone pheko A re gangwe le gape, e a re morago ga maitiso go nne le go rumulana mme go felele go lolwe, selo se a reng ga se age motse. Fa a bua mo kgaisanong ya dijo e e neng e tshwaretswe ko kgotleng ya Tidimalo, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya dikgaolwana tse, Rre Gareutwane Semente a re ba bone go tshwanela gore ba tle ka maano a a ka tsisang madi mo letloleng la bone. A re go le gantsi dikgwebo tse di phunyeletsang ke tse di simolotseng di gwetlhilwe ke lorato mo mogwebing ka maikaeleloo a go intsha bodutu mme e re di fetogela mo go ka nneng kgwebo di kgone go itshetlela mo dikgwetlhong tse di di ralalang. Rre Boko o ne a re phathi e e busang e palelwa ke ditharabololo tsa malwetse ka bontsi ka go na le letlhoko la dingaka, dintsho tsa bana ba ba tsholwang le bomme ba ba belegang di ile magoletsa. Fa a leboga, modulasetilo wa lekgotla la baruti la Kanye, Moruti Koolopile Pema o ne a re e le ba lekgotla la baruti ba ikaeletse go dira le bodirelapuso jo bo mo motseng. E rile fa a mo kgwa dikgaba, mokwaledi wa lephata leo Mme Dorcus Mokete o gakolotse fa go tlhokega setlankana sa peo, Omang o o mo tirisong le mokwalo ope fela o o ka thusang kabo ditsha go netefatsa peo. Rre Makgalemele o boletse fa itsholelo e supa matlhasedi a go tokafala, ke ka moo dingwe tse puso e neng e di seegetse fa thoko di tla a simololwa go dirwa ka bonya ka bonya. Go bolelwa fa go tlhamiwa ga lenaneo la Youth Development Fund (YDF) le le itebagantseng le go thusa banana ka madi gore ba itshimololele dikgwebo, go tokafaditse matshelo a banana ba le bantsi ka go ba ntsha mo lehumeng la letlhoko la ditiro. Rre Chepete a re o bulegetse go ruta mongwe le mongwe yo o nang le kgatlhego ya go tsena mo kgwebong e e tshwanang le ya gagwe. A re o simolotse kgwebo go le thata ya lentswe mme ka thotloetso ya ditsala tsa gagwe a seka a ineela. O tlhalositse gore BDP e tsamaisitse Batswana tshipidi tonto mo mabakeng a a thata, go fitlhela Botswana a fatlhoga mo lehumeng. O tlhalositse gore fa motho a batla go nna modiredi wa dikompone tsa go nna jaana ke gore a bo a dirile dithuto tsa maranyane, ka jalo a kgothatsa bana ba basetsana go tlhagelela thata mo go direng ka tsa maranyane. Mopalamente wa Serowe Borwa, Dr Pelonomi Venson-Moitoi, a re ga a na go emela ditlhopho tsa 2019. O gakolotse banni go phuthologa fa ba tsena ko dikokelong, a re ba kaye malwetse a bone sentle ba sa fithe sepe ka a re go dira jalo ba tlaa fiwa thuso e e maleba.Erile fa ba ntsha matshwenyego a bone, banni ba Sehunou ba ledile ka go bona ditlamelo tsa botsogo bokgakaleng, ba re gore ba bone dithuso tsa bongaka ke gore ba tseye mosepele ba ye Motshegaletau ko kokelong ya Russel May. O ne a tlhalosetsa komiti ya ditlhabololo tsa motse fa go le mo maruding a bone go netefatsa fa kgotla ya motse e nna ele phepa ka nako tsotlhe, bogolo jang ka ele yone e baeng ba gorogelang teng. Mongwe wa batsadi, Mme Keletshabile Gobotswang a re fa kgokgontsho e simolola go nna teng mo bathong, go a bo go supa gore ga go na lorato gareng ga bone. Banni ba ba amegileng ba filwe ditsha mo lefelong le le emang metsi mme seo se amilwe matlo a bone. Fa a amogela baeng, mogokgo wa sekole sa Goshwe, Rre Bikani Bengane o ne a bolela fa ba kile ba nna le kgwetlho ya go ntsifatsa dipampiri mo baithuti ba feletseng ba sa kwale ditlhatlhobo ka nako eo. Ba re e re ka tiro ya bone e ya bokhutlong, ba bone go le maleba go tlhalosetsa setshaba gore ba malwapa a bone a ka tswang a amilwe ke tiro eo, mme ba sa phimolwa keledi ba ikopanye le bone pele ga khamphani e huduga. Thuto-puisano eo e ne e tsenwe ke dikgosi, baduladitilo le bakwaledi ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le makhanselara.A re kwelo tlase ya itsholelo ke yone e e diang ditlhabololo tse puso e ikemiseditseng go di dira. A re ba tshwengwa ke dikgalo tsa morafe go re ba rotloetsa go ipewa ga lefatshe ka go diegela go aba ditsha, mme a tlhalosa fa tiego e rotloetswa ke bontsi jwa dikgang tse di emeng lekgotla pele ka jaana di tlhoka go seka-sekwa mo go tseneletseng pele di ka tseelwa ditshwetso. Rre Moribame a re mananeo a go tlhabolola matshelo jaaka la ipelegeng, la banana la Youth Development Fund, LIMID le la nyeletso lehuma le one a gatetse pele. Rre Lucas Ditsele yo o dingwaga tse di masome a marataro le borataro, ebile a itsege thata ka lena la Rra Mompoloki o sala a simolola temo ya nosetso ya merogo ka ngwaga wa 1988. Bomme ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba kgothaditswe go tswelela ba tshwere ka thata mo dikgwebong tsa bone ka jaana malwapa a le mantsi mo Botswana a eteletswe pele ke bone. Modulasetilo o ne a tlhalosa fa bangwe ba sa tlhabolole ditsha tsa bone mo lebakeng le le beilweng, a re seo ke tlolo molao le boferefere ka batho bangwe ba rekisa ditsha tse di sa tlhabololwang. Banni ba Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba lebogetse puso go bo e tsweletse ka go itebaganya le dikgwetlho tse di akaretsang letlhoko la ditiro, go nyeletsa lehuma le go tswa ka mananeo a a itebagantseng le banana. Kgosi a re go a kgatlhisa go bona bangwe ba ba neng ba tshelela mo lehumeng ba gatetse pele ba santse ba tshwere ba tshegeditse mananeo. O ne a ba lekola le go bona fa ba berekelang teng le go utlwa matshwenyego a bone a bo a ba kgothatsa go fetola maikutlo ka fa bantse ba bereka ka teng, ba ntshe megopolo e ka yone baka thusang puso go thusa Batswana. Rre Thamane o buile ka lenaneo la banana le a supileng fa le tokafaditse melawana yotlhe ka fa ba ka kgonang ka teng. Ba Gweta ba akgola Batshu Go sale foo dikgosana tsa Kgalagadi Bokone di kopile go agelwa dioffisi tse ba ka berekelang mo go tsone, le go tshwarela diphuthego tsa dikgotlana teng. Mo ditlhatlhobong tsa mophato wa boraro, a re kgaolo ya Bokone Botlhaba e ne ya bona maemo a bobedi mo lefatsheng leno lotlhe, ka e fentse ka masome a mane le boferabobedi fa go tshwantshanngwa le masome a mane le bone le sephatlo mo ngwageng wa 2016. O tlhalositse gape gore tsela eo e tlhoka go bulwa gore e nne kgolwanyane ka gore diphologolo di okwa ke sekgwa. O gateletse gape gore ba tshwanetse go lebogela seabe se puso e se dirang go tlhabolola matshelo a Batswana ka go ba fa dipeo le go ba lemela mahala. Modulasetilo wa khansele ya legare Rre Peter Williams o ne a rotloetsa dikhansele tse dingwe go tsaya malebela mo khanseleng ya legare. Mokgatlho o wa Mosadi o ruta Mosadi, madirelo a teng a nanakwana a mo Mmolepolole Cummuniy Center. O ne a kgothatsa morafe go ithuta pina ya setshaba gore ba tle ba e opele sentle ka letsatsi la boipuso. Fela Tona Ngaka o ne a tlhalosa fa mathata a tlhaelo ya bodiredi a bakwa ke gore go santse go sena diphatlha mme a matshwenyego a mangwe one o tlaa a sala morago le fa gone a se kake a arabiwa ka nako e le nngwe. Mme mokwatla wa setshaba Rre Luka a re ke nako gore banana ba ikemele ka dinao, go netefatsa gore bokamoso jwa bone e nna jo bo faphegileng. Le fa batho bangwe mo diphuthegong tseo go lebega ba ne ba le kgatlhanong le mogopolo waga kgosi wa gore ditiro tsotlhe tsa boipuso jwa monogwaga di ya go tshwarelwa mo kgotleng e tona, bontsi jwa batho ba supile fa ba dumelana le mgopolo wa ga Kgosi Segotsi gore dijo le tsone di jelwe mo kgotleng e tona e seng mo dikgotlaneng jaaka go ntse go dirwa mo dingwageng tse di fetileng Bagodi ke teemane O tlhalositse fa ba ka bona dituelo tse di lebaneng fela fa ba fetisa dikgomo ka matlhabelo. Leswana le letona o le rekisa P5 mme o kaile fa bareki ba gagwe ba ne ba mo rotloetsa go apaya borotho jwa magala gore ba shabele ka morogo. O boletse fa a tshwanelwa ke go dirisa dipoelo tse dingwe go reka didirisiwa, mme a re ka didirisiwa tse di bonwa kgakala, o felela a di reka boturu, selo se a reng ke poelo morago. Mongwe wa ba ba neng ba laleditswe mo dithuto puisanong tseo mogolwane go tswa mo lekalaneng la MVA Mme Tebogo Robertts o ne a tlhalosa mo go tseneletseng ka maikaelelo le maitlamo a supa fa lekalana la bone le itebagantse le go tlhomamisa gore mongwe le mongwe yo o amegang mo dikotsing tsa tsela fa a gobetse ba mo thusa ka tsa bongaka ka na tsa phitlho. Letsholo la twantsho bogodu jwa leruo le simolodisitswe Spt Mogatsaseno a re ba patorola mekgwatlha yotlhe e e ka nnang borai mo matshelong a batho bosigo le motshegare. Lephata la bong kwa Kanye le ntshitse P2 million go rotloetsa dikgwebo tse di potlana di le lesome le bobedi. Ke lo kopa ka tsweetswee gore lo tsoseng diterata lo disetseng mo merakeng e seng mo motseng ka loruo lwa lona lo senyetsa ba bangwe, ga bua Kgosi Malope. O tsweletse ka go kopa morafe go thusa mo kokoanyong ya madi a a agang leobo le ka le tsile go tlotlomatsa leina la motse wa bone ga mmogo le go tsisa ditlhabololo le tokafatso ditirelo. Ba Mosinki ba lebogela thuto ya bana Leloko la Re a Nyalana, Mme Annah Morwaagole a re maikaelelo a mokgatlho oo ke go rotloetsa batho ba ba sa bolong go nna mmogo ba sa nyalana go nyalana ka fa molaong le go thusa ka ditsompelo gore batho ba go nna jalo ba diragatse dikeletso tsa bone ka fa molaong. Mothusa molemisi wa twantsho diji le mhero kwa Letlhakeng, Rre Shima Ntheetsang, o tlhalositse seo mo thuto-puisanong bosheng, e e neng e tseneletswe ke balemi ba motse wa Takatokwane go ba rutuntsha ka tiriso le tlhokomelo ya ditshefi. Bogodu jwa dijojo kwa Disaneng bo ile magoletsa Mo go tse dingwe, Rre Keatlholetswe a re ba dira se gore bakgweetsi jaaka badirisi ba tsela ba kgone go fema dikotsi mo toropong mme baithuti bone ba kgone go bona gore ba tlola fa kae go bonala ka matshwao. Le fa gontse jalo, Moruti Boemo o tlhalositse gore mme fa motho a setse a kile a tlhakanela dikobo kwa ntle ga lenyalo, o ka ikgolola mo meweng e e maswe ka go ineela mo tumelong le go kopa dithapelo mo baruting go mo golola mo meweng e e sa siamang eo. A re ba itlhatlhobele mogare ba bo ba rotloetse ba masika le ditsala gore ba ba amegileng ba tle ba tsene mo lenaneong la diritibatsi. Ba buile se fa mopalamente wa kgaolo, Rre Shawn Ntlhaile a buisa phuthego kwa motseng oo bosheng. Ba ne ba supa fa mo nakong ya gompieno ba tshwarela diphuthego ka fa tlase ga ditlhare tse di mo kgotleng. Tota re tshela fela ka go kolotisa. Mmino bokamoso jwa banana Seretse Khama Ian Khama a re o leboga bagolo ba lefatshe leno ka ba dirile go le gontsi gore lefatshe leno e nne se e leng sone. A re se se tlaa dira gore go lengwe mo nakong e khutshwaneka pula e na e le nnye mme bokgola le jone bo nyelela ka bonako. O kopile batsadi go amogela le go thusa bana go tlhokomela dibeke tseo, a supa gore lemme ga le bolae go bolaya lesolo, ka jalo ba amogele ka atla tsoo-pedi. O ne a gwetlha batsadi go tshwaraganela kgang eo le barutabana le go leka go kgalemela bana le go ba sedimosetsa ka bodiphatsa jwa bolwetse joo le ditlamorago tsa go tlhakanela dikobo ba sale bannyenyane. O ne gape a re kgang ya dituelo e tlaa bo e dirwa kwa Letlhakane. Modulasetilo wa khansele-potlana ya Letlhakeng e bile e le mokhanselara wa kgaolo ya Takatokwane/Dutlwe, Rre Tlotlo Batlhophi, o ne a supa fa lengwe la mabaka a gore makoa a bo a le mantsi eb le gore batho ga ba itshidile. O boletse gape fa go sena ditlhabololo dipe tse di dirwang mo kgaolong ya bone ka lenaneo la NDP10 a tlhalosa fa puso e tsere tshwetso go aga borogo jwa Thamalakane ka bo diriswa ke dikoloi tse ditona tse di tswang kwa dimaeneng. Rre Nakedi o kopile mopalamente gore a tle a tlhophe mokhanselara mo kgaolong ya bone fa a ka boela ka ditlhopho tsa 2014 gore dilelo tsa bone di reediwe botoka. Rre Tshitoeng a re ga se ka botlhale jwa ga ope gore lefatshe la Botswana le bo le rena ka kutlwano le kagiso, a tlhalosa fa ba tshwanetse go itse gore Modimo ke one o dirileng gore go bo go kgatlhisa go bona ka fa Batswana ba tshelang ka teng. Kwa letsatsing leo go ne ga supegediwa banni mananeo a a farologaneng le go thusiwa le bontshiwa go tsenya manyena a dikgomo. Mokwaledi o akgola badiri Ntswa tiro e ekare e a nyelela, Batswana bangwe ba santse ba e tshwere e bile ba ipela ka yone. A re bangwe ba kgona go tshela leokwane mo diterekereng mme fa ba tshwanetse go tsena gautshwne go lema ba tsamaya sekgala se seleele ba ya go lemela ba masimo a a kgakala ba bo ba lela ka leokwane. A re ere ntswa go na le taelo ya ga tautona ya go abela bana ba masimo kwa dikgaolong tsa Kgaphamadi, Gosethebe, Kodibana le Tlape, dikgang tsa go ipelaetsa ka masimo ga bangwe go kgoreletsa go fefoga ga thulaganyo eo. Mogolwane go tswa kwa lephateng la tsa pereko le selegae molekalaneng la bong, CarolineOkello-Wengi, a re kereke e, e diragaditse supile maikemisetso a go thusa ba A re dikereketse mofuta o, di mosola thata ka di thusana le puso go leka go tokafatsa seemo sabotshelo ka puso ka bonosi e ka se kgone. O tsweletse a supa gape gore palamente e ne ya dira molao o mongwe wa borukhuthi jwa maranyane, mme o akaretse ba ba tlhapaolang ba bangwe ka maranyane a Facebook. O ne a tlhalosa fa sekole seo se butswe ka ngwaga wa 1985 mme go supegetse fa maduo a lekwalo la bosupa a simologile go wela kwa tlase ka ngogola se dirile 34 per cent. O kopile bana ba batsadi ba bone ba abelwang matlo go a tlhokomela ka kitso ya gore ke matlo a batsadi ba bone. Moeteledipele o tshwanetse go itshepha Mma Segomotso a re gape o kgona go tlhakanya tshetlho le dikelekese (maungo a setlhare sa mokala a a ratwang bobe ke dihutsane) le letswai mme e nne le tatso e e tshwanang le furu e e rekwang mo pusong. Rre Monyadiwa a re ba ba agetsweng pele ba akaretsa batlhoki, bagodi le ba- nale-bogole. Monni wa Goshwe mo kgaolong-potlana ya Tutume, Rre Moffat Mabutho o abetse sekole sa Goshwe motshine o o ntsifatsang dipampiri gape o kgona go romela le go amogela melaetsa. A re moono wa monongwa o o reng ‘Re batla boeteledipele mo go emiseng kanamo ya kgotlholo e tona, le wena o ka dira ditso go emisa kgotlholo e tona’, o gwetlha ope yo o ka tswang a le moeteledipele fa a leng teng go ema ka dinao go lwantsha TB, a kaya fa maikaelo a lephata la botsogo le boitekanelo e le go bona ka ngwaga wa 2035 TB E re ka jaana go lemosegile fa gantsi TB le mogare wa HIV e le di ya thoteng di bapile, Mme Mandevu o boletse fa puso e dirile maiteko a a bonalang go tsibogela malwetse oo-mabedi, a re thulaganyo e mo go yone ope yo o tshwarwang ka mogare wa HIV a akarediwang mo kalafing ya diritibatsi gone foo, e thusa go fokotsa TB. O supile fa monongwaga ba ise ba itemogele dikgang dipe tsa dipolaano, dipetelelo ba gatisitse dile tharo tiriso ya bana ba bannye mo go tsa tlhakanelo tsa dikobo le tsone ba gatisitse dile tharo. Banni ba Medie kwa kgaolong ya Kweneng ba ngongorega ka gore lephata la kabo ditsha le diega go ba baya ditsha tsa masimo. A re puso e batla tharabololo mo kgannyeng ya kwelo tlase yatemo mo lefatsheng mme e sekaseka megopolo e mebedi e balemi ba ka ikgethelangfa ba sa tlhole ba na le bokgoni ja go ka a lema. O supile gore se se makatsang ke gore bana bao ba ne ba sena tlhong go bua ditiro tsa bone fa pele ga batsadi. Rre Senai o supile fa go le turu go katolosa ditlamelo tsa kanamiso ya metsi, ka jalo a kopa kemonokeng ya Batswana go tlhokomela didirisiwa tsa kanamiso ya metsi ka gore tshenyo ya tsone e ka oketsa tlhaelo ya metsi. A re nako tse dingwe ba phutha badiragatsi kwa metseng gore ba tle go opelela bana le go ba ruta gore ba letsa jang, a re ka nako tse dingwe ba tsaya loeto jaaka go etela ko lefelong la diphologolo la Khama Rhino, mme koo ba tseye dikgang le go ba fa dikgakololo gore ba ikgaphe mo dilong tse di maswe jaaka go nwa majalwa, go tshaba sekole le go tlhakanela dikobo. Kopo e, e dirilwe ke molemisi wa koo, Rre Sylvester Tsheole, mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso ka Labotlhano. Kgang eo ya tshimolodiso lenaneo e ne ya buisanngwa ka lobaka mme ya wela ka gore go simololwe gone jaana, go na le go simolola setlha se se tlang ka seo se ka baya batsadi ka fa mosing wa gore ba bo ba lebetse se ba se rutilweng. A re le ntswa tiro ya go bopa e le boteke o solofela gore mo dingwageng tse di tlang e bo e godile a dira dilo tsa go bopa di le dintsi ebile e le tsa mefuta e e farologanyeng. A bana ba nne phepa - Mogokgo Mme Thembi Mugonzo yoo tsamaisang semausu, a rekisa magwinya, ditapole le tse dingwe tsa kapei, o tlhalosa fa kgorogo ya lebentlele le ele tlhabololo e ba sa bolong go e emela e le bagwebi ba babotlana mo Liquor Shopping Complex.. Gompieno ga go kgonege go dira jalo gompieno ka jaana rotlhe re makgatlhanela thapong mo go ka sekeng go botswe gore yo ke ngwana wa ga mang. Pele ga oura ya borataro mo mosong ka malatsi a go theogelwang ka one, mme yo o a bo a setse a butse semausu sa gagwe sa dijo, dijo di siame di letile go rekiwa fela. A re tumelo ga e motlhofo mme e batla ole pelotelele mo go tshepheng Modimo le ditiro tsa gagwe. Maitseanape mo go tsa boranyane, Rre Sewelo Fani o tlhalositse fa morago ga tshekatsheko ya ditso tseo ba tlhomamisa gore dilo tse ba di kgobokantseng di babalesegile ka go di baya mo motlobong wa ditso gore di seka tsa senyega ka di ka kgona go oka bajanala . Batho ba utswa leruo, ba a tshwarwa, kamoso ba letleletswe go emela tsheko kwa ntle, beke e tlang gape ba utsule ebe ba tswa gape. Dikgang tsa mofuta o di tla mo ofising ya rona kgapetsakgapetsa, mme go bonala fa go sena yo o tlhokometseng gone mo dijarateng tse, a tlhalosa. Tlhaelo ya matlo a borutelo e a tshwenya O kaile fa Kgosi Phologo-Seitsang a eteletse pele morafe wa Makopong o o akaretsang Barolong, Bangologa le Baherero dingwaga di le masome a le mararo le boraro go fitlhelela a tlhokafala. O tlhalositse fa lenaneo la SHHA le ka thusa Batswana go aga matlo ba tshwaragane le Botswana Housing Cooperation (BHC) kana (Turnkey) le le thusang ka madi a a kanang ka P90 000 le la go tlhabolola dikago le le thusang ka madi a P60 000 otlhe a duelwa mo lobakeng lwa dingwaga tse di masome mabedi. Rre David o ne a supa noga eo e le nngwe ya dinoga tse di bogale e bile e kgona go budologa, a kaya fa gape e le noga e e palamang ditlhare e bile e tshwana le tsone le ka mmala mme o ka seke o e bone fa o se kelotlhoko. Fela jaaka mo mafelong a mangwe Batswana ba tletse ka boitumelo go keteka boipuso jwa dingwaga tse di masome a matlhano ba motse wa Sefhophe ba ne ba seka ba salela kwa morago go supa boitumelo jwa bone. A re e le ba sepodisi ba tsere tshwetso ya go dirisana le ba ba tlhatlhobang marekisetso a dinama gore di mo seemong se se siameng sa go rekisetsa morafe nama. O boletse fa ba tshwenngwa ke dikotsi tsa tsela tse di diragalang mo tseleng e tse dingwe tsa tsone di gapang matshelo. Ba kgotla ya Meriting bone ba lela ka letlhoko la metsi mme ba kopa gore ba thusiwe ka one. O supile fa go sena ka fa lentswe la bone le ka utlwalang ka teng kwa ntle ga go tlhopha. A re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse a leka bojotlhe go rata le go dibela lefatshe leno ka gotlhe mo a ka go kgonang. Mongwe wa bareki ba dithunya tseo, Mme Sikhonziso Bagwasi a re dithunya tse a di rekang kwa Mother Earth Flourist di pharologanyo le tse dingwe, a kaya fa barekisi ba bangwe o fitlhela ba rekisa dithunya tse di senyegileng e bile di swabile fa Toto ene a ba rekisetsa tse di itekanetseng ka dinako tsotlhe. Go ya ka morulaganyi wa moletlo o, Mme Gofaone Sedihe, lefoko Ruviya ke lefoko la Seherero le le rayang go ipela kana go itumela. Mme Malema a re boroko jwa badirelapuso bo a tlhaela mme setshaba se sa hirisetse bodiredi matlo. Mongwe wa dibui, Rre Edwin Batshu a re BDP e betlile tsela e mang le mang a e bonang. Mme Molelo a re moono wa sekole ke gore go nne le lenaneo la puisano le bodiredi, bana le bogogi jwa sekole gore barutabana ba ikutlwe ba gololesegile go dira tiro ya bone ka kemo nokeng ya gagwe, a itebagantse segolo bogolo le botsogo jwa bone jwa letsatsi le letsatsi. A re ba ne ba lemogile gore ditilo kwa kokelwaneng eo di a tlhaela mme ba fokotsa tlhaelo eo ka go reka ditilo tsa tlaleletso. Mo potsolotosng le BOPA, mme Tshwenyego a re o ne a ikitaya ka thupana go tsena thuto ga-e-golelwe morago ga go itemogela fa lesedi la thuto e le sengwe se se botlhokwa mo botshelong bogolo thata mo malatsi a segompieno. E ne ya re a tlatsa, kgosana wa kgotla yoo Selatlho e go bolelwang e le yone e tshabeletsweng ke bothata jwa nnotagi, Rre Nti Kelelekilwe a re seemo seo se gakadiwa ke gore barekisi ba bojalwa ga ba obamele dinako tse di beilweng tsa go rekisa ka jaana ba kgona go rekisa go fitlhelela bosigogare. E ntse e le kwa bokopanong joo Moruti Enock Basimolodi wa Unity House Ministries, o ne a kgothatsa banana go supa dikeletso tsa bone ka go ikwadisetsa ditlhopho. O ne a supa fa ba itemogetse fa batho bangwe ba ise ba kgone go farologanya gore ikwadisetso ditlhopho e ga bedi, e leng ya karata ya boloko jwa phati le ya karata ya ditlhopho tsa setshaba, a kopa gore ba netefatse gore ba ikwadisetsa magato otlhe ka bobedi. Fa go tsenwa kwa sekoleng, go solofelwa gore moithuti a kgone go araba dipotso go supa fa e le ene a di itiretseng mme fa a palelwa go supa fa a diretswe ke motsadi ka jalo morutabana o tshwanetse go bitsa motsadi a mo lekodisa ka seemo sa ngwana le ka fa ba ka se tokafatsang ka teng. Mme Moelto a re ga ba bolo go nyorelwa go mmona ka a tsamaya mo dikgaolong tse dingwe a abela bagodi mme ba itumetse ka ba kopane le ene. A re ga a na k maikaelelo a go tsaya bogosi jwa Tewane ka jaana tiro ya gagwe e itebagantse le go bua ka ditlhabololo tsa motse le go dirisana le morafe go balelwa le kgosi. O boleletse batho ba metse ya Mmaphashalala, Mookane, Dibete, Poloka le Leshibitse mo merapelong e neng e tshwaretswe kwa Dibete go rapelela dikotsi tsa tsela le go gopola ba ba tlhokafetseng mo dikotsing tseo gore gole gantsi dikotsi tse di diragalang mo tseleng ya A1 di bakwa ke go tlhoka go obamela matshwao a tsela, go kgweetsa ka lobelo le le feteletseng, go dirisa dikoloi tse di sa itekanelang, go kgweetsa ga batho ba sena ditlankana le loruo le le sasankang mo ditseleng. Bomme malatsi a gompieno, ba tsena mo dikgotleng ka marokgwe selo se se neng se sa ditlwaelwa bogologolo.BOPA Banni ba metse ya BORAVAST e e itsegeng thata ka mmino wa Polka ba ngongorega ka baatlhodi ba dikgaisano tsa malatsi a ga Tautona tsa meletlo ya mmino bogolo jang wa Polka o o tumileng thata mo dikgaolong tsa bone. Fa a tswa la gagwe Ramapodisi a lefatshe le Rre Keabetswe Makgophe o ne a re go tshwara tiro ya mofuta o kwa Lechana ke go tla go gakololana gore seabe sa montswana mongwe le mongwe ke eng le go lekodisana ka dikgwetlho tse di aparetseng ba sepodisi ga mmogo le go godisa tshwaragano ya sechaba le sepodisi. A re maikaelelo a lenaneo gape ke go diragatsa lengwe la matshego a tebelopele ya lefatshe leno le le reng tshaba e e kutlwelobotlhoko e bile e kgathala ka ba bangwe. Batswana ba kopilwe gore ba seka ba kgaoganngwa ke ditlhopho ka seo se ka tlhakatlhakanya lefatshe leno. Ka jalo seo sa fokotsa le yone palo ya dintsho tse di diragalang mme e le tse di neng di ka thibelwa ka go tsaya kalafi ya ba bongaka.Mogokgo wa sekole se segolwane sa Shanganani JSS, Mme Ndinaani Mandevu o ne a tlhalosa fa TB e santse e le kgwetlho e tona e e lebaneng lefatshe leno, a supa fa ntwa kgatlhanong le TB, e le e e ka sekeng ya kgonwa ke puso e le nosi, ntleng le batho ka bongwe ka bongwe ga mmogo le makalana ka go farologana a ka tsenya letsogo.Mme Mandevu o ne a gwetlha makalana a a tsweletseng ka go thusa puso ka ditsela tse di farologaneng tebang le tsa botsogo go akarediwa le jone bolwetse jwa TB, gore ba seka ba nyema moko go fitlhelela ntwa kgatlhanong le TB e fenngwa. A re dithototse dipotlana tseo di dira dipoelo tse di nnye. Mo dikgannyeng tse dingwe, makhanselara a Mokwena ba supile matshwenyego ka thulaganyo e ba reng ga e na morero ya go tsamaisa moletlo wa ngwao ya Bakwena wa Dithubaruba. Tebang le se, mopalamente o ne a tshepisa morafe fa a tlaa isa matswhenyego a ko palamemteng gore matona a a lebaneng le ditlhabololo ka go farologana a diragatse se se tshwanetseng. Rre Dineo o supile fa nako yotlhe e ba e tsereng kwa Maun, ba sa kgona go ithuta sentle ka gone gole mosuke e bile go nale tlhaelo ya barutabana le matlo a borutelo, mme seo se ne sa ba baya ka fa mosing.Rre Dineo a re e rile 2013 a fela, ba fudusediwa kwa Shakawe go feleletsa lekwalo la bone, e bile ba kgonne go kwala makgaolakgang gone koo fela ba tlhoka go dira sentle ka jalo sekole seo sa nna sengwe sa dikole tse di sa dirang sentle mo lefatsheng la Botswana mo dithutong tsa BGCSE. Ka jalo dilo tse tsotlhe tse ba di dirisang ga ba di reke, ba di tsaya mahala mme se se bo se ba rotloetsa go dira ka natla le go feta. Modula setilo a re go lemogilwe fa tiriso ya dikarata tse di rekang e ne e ya bokhutlong ka Phalane ngwaga o o fetileng, mme tsa okelediwa tiriso go fitlhelela ngwaga ono wa madi o wela. Rre Kazenambo a re fa khansele e sa tsiboge, batla ipopa e le banni go tseela kagng eo kwa kgotla tshekelo ka go supega fa bogogi bo goga maoto go e rarabolola. O buile jalo mo potsolotsong le BOPA bosheng mme a supa fa bangwe batsadi kwa merakeng eo ba tsweletse ka go roma bana ba bone ditiro tse di ba kgoreletsang go tsweledisa dithuto tsa bone. Godimo ga moo ba ngongoregela tshekatsheko e e dirwang ke ba ofisi ya boipelego e ba supang fa ba dumela e sa dirwe ka tsamaiso e e tlhamaletseng. Fa o utswile o bo o atlholwa, dingwaga di tshwanetse go simolola fa go bosupa go ya kwa godimo, ga bua Rre Molebatsi. Dikgomo di falatsa balemi Rre Matlhogojane a re toropo e leswe mme fa go le jalo go tshwanetswe ga dirwa sengwe jaaka go baakanya dikoloi tse di tsayang matlakala gore a kgone a tsewa ka nako. Mo phuthegong e e tsweletseng ya khansele, Rre Dipholo a re e re ka kgaolo ya Tutume e le bophara, ba bone go tshwanela go fa Nata maemo a ntlha go tlhongwa kgaolo-potlana go atametsa ditirelo kwa bathong. Lefa go ntse jalo, mongwe wa banni Rre Etsogile Mphoyamodimo o kopile puso go gagamaletsa molao barui ba dikgomo tsa bone di fitlhelwang di sa kentiwa go leka go nyeletsa bolwetse jo ba rileng bo ba fetotse batlhoki ba nta ya tlhogo. Modulasetilo wa komiti ya madi le ditlhabololo tsa khansele e, Rre Victor Jimmy Mphee, yo e bileng e le mokhanselara wa Motlhabaneng/Lentswelemoriti, o tlhalositse fa khansele e tlaa tlhoka P79 520 980 go dira ditiro tsa khansele mo ngwageng wa madi wa 2016/2017 fa mo ngwageng o o fetileng wa madi khansele e ne ya tlhoka P78 718 650 go dira ditiro tsa khansele. Rre Batshu a re fa e sale lekgotla la Re a Nyalana le tlhongwa, go setse go nyadisitswe malwapa a le 1 873 ka fa molaong ka thotloetso ya mokgatlho oo, fa batho ba le 3 746 ba rwesitswe dipalamenwana ka thulaganyo eo. Mo mafokong a gagwe a kabo dimpho tseo, moeteledipele wa banka ya FNB kwa Jwaneng, Rre Stephen Goitsemang o ne a kaya fa FNBB Foundation e simologile ka ngwaga wa 2001 e maikaelelo a yone e le go thusa setshaba bogolo jang bana ba dikhutsana le ba ba tlhokang mo lefatsheng leno ka e le bone baeteledipele ba lefatshe leno ba ka moso. O rotloeditse banni ba Machaneng go ema mokgatlho wa bone nokeng. A re ngwana ga a a tshwanela go kgokgontsha motsadi a re o na le ditshwanelo, ka gore ditshwanelo tseo di ne di dirwa go sireletsa ngwana eseng gore a itaole. Molaodi wa kgaolo potlana ya Mabutsane, Rre Mosipidi Mokgolele, a re matsubutsubu a ne a rutlolola matlo a ka tshwara masome a mararo le bosupa kwa Morwamosu, fa kwa Mabutsane e rutlolotse a le masome a mabedi le bongwe; a le mabedi mo go one ele a khansele. A re se se ka dirwang ke gore fa leruo le beilwe foo, le bo le ka sekasekwa go tlhola gore a le amilwe ke bolwetse ja tlhako le molomo, mme fa go lemotshega fa le siame le busediwe beng ba lone go na le gore seruiwa sengwe le sengwe se se tlodileng molelwane se bolawe. Mme Ramaribana a re go tshwaragana le makalana a mangwe go ntshitse maduo ka jaana ba kgonne go isa batlhoka kutlo go tsena sekole sa tiro ya diatla kwa Afrika Borwa. A re batho ba ba tlang go ikuela ke basadi ba tlhalosa gore ba eletsa go kgaogana dithoto ka ba di bereketse mmogo. O tlhalositse fa go le botlhokwa thata gore morafe o nne le kitso le gone go tlhaloganya ka dithuso tse puso e di tlhamileng go thusa Batswana,mme a kaya fa seo se ka kgonagala fela fa badirelapuso ba ka etela morafe mo dikgotleng go ba tlhatlhelela. A re ba tshwaragane gore tiro ya go bopa setshaba e tle e kgonege. Mongwe wa banana go tswa kwa motseng wa Nshakashogwe, Rre Tabona Jopi yo o dingwaga tse di masome a mararo le bobedi a re o lemogile fa banana ba itlhaganelela go kopa dithuso tsa madi ba sa ikakanya mo go tseneletseng gore ba batla go tsena mo dikgwebong dife, a supa fa bangwe ba dira dikgwebo ka gore ditsala le masika ba a di dira, ba sa lebelele gore bokgoni jwa bone bo fa kae. O supile fa bogologolo go ne go jewa nama e ntsi, mme ba ne ba sa tsenwe ke makoa ka gore ba ne ba itshidila mebele ka go tsamaya ka maoto nako e ntsi. Mookamela mapodisi a Lobatse, Superintendent Photsanyana Mogatsaseno, o gakolotse setshaba go ikela tlhoko fa ba tsamaya mo mekgwatheng. O kopile banni go dira tse di tlhokwang ke lekgotla la mafatshe a Yuropa gore ba tle ba kgone ba bone dipoelo mo dikgomong tsa bone ka nako ya thekiso. Mothusa ramapodisi a Sejelo kwa Kanye o kopile badirisi ba tsela go dirisanya sentle mo ditseleng le go ela tlhoko matshwao a tsela ka malatsi a Keresemose le ngwaga o mosha. Go ya ka Rre Hendrik Hayman, e rile ka ngwaga wa 1995, ba thibelela kwa lefelong leo, ba sena go tlholwa ke lefelo la Rooibrak le ba neng ba fitlhela le sena metsi. E rile a rola pego ya komiti ya ditlhabololo tsa motse oo mo phuthegong ya kgotla e neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo eo, Rre Dikgang Makgalemele, modulasetilo Rre Molatedi Kenabatho o ne a supa fa tiro ya go rudisa tshingwana ya morafe ya merogo ya Eden e tsweletse sentle. Lorato le kemonokeng ke molemo mo go ba ba amilweng ke mogare wa HIV. O ne a gwetlha bana ba go tlotla batsadi ka e le boikarabelo jwa bone, a re gore batsadi ba bone ga ba yo mo botshelong e seka ya nna seipato, a tlhalosa fa se e le thato ya Modimo ka jalo ba tie go ya pele mo botshelong. Go bolelwa fa palo ya batho ba ba ikwadiseditseng ditlhopho e le kwa tlase mo kgaolong ya Mochudi Botlhaba. Maloko a phathi ya Botswana Democratic Party, BDP, Rre Tiro Seloma le Oliphant Mfa ba ba fentsweng mo ditlhophong tsa bulela ditswe ba latofaditse dipego tsa gore ba tlhanogetse phathi ya bone e bile ba eme bontlhopheng bangwe ba kganetso nokeng. Mo boemong ja bangwe ka ene, mongwe wa ba barongwa ba makgotla a ditsheko Rre Ikageng Seloi a re ba kopa tirisano mmogo le ofisi kgolo ya bone eleng makgotla a ditsheko, segolo ya ga mmakaseterata le babueledi. Are erile morago ga di tswa foo dingwe tsa tsone dine tsa duwa ke dintho mo dimpeng le mo matlho mme dingwe tsa tsone tsa swa. Rre Masasa o supile fa khamphani ya bone e ntshitse P36 000 go thusa. O tlhalositse gore balemi ke bone fela ba ka tokafatsang thobo ya bone ka go tsaya boikarabelo le go dirisa dipeo tse di tlhabolotsweng go na le go ganelela mo go tsa Setswana tse di sa tlholeng di na le boleng mme a re ba inaakanye le ba tepo loapi go tsaya bogakolodi ka seemo sa dipula. Fa a bua mo potsolotsong, Rre Malei o ne a tlhalosa fa maikaelelo e le go atumetsa metshameko kwa bathong bogolo jang banana le go ba tsenya mowa wa go inaakanya le metshameko. Se se tla jaana morago ga gore Morutabana Odireleng Ramolelekwane wa sekole seo a kopane le mongwe wa barutabana ba sekole sa St Gabriel kwa Serowe yo ba neng ba abelana maele a ka fa ba kgonang ka teng go ntsha maduo a a nametsang pelo. Mokhanselera wa Morupule, Rre Jordan Makhura o ne a re sekole se segolwane sa Mabogo se mo seemong se se tlhabisang ditlhong, gape matlo a borutelo a a a tlhaela. Rre Kebafitlhetse o ne gape a gakolola batsadi go bona gore ba bua eng ka morutabana fa pele ga bana, ka gore bana ba sekole ba nna ba ba bolelela tse di buiwang ke batsadi ka bone, a kaya fa seo se sa siama ka se ka senya botsalano jwa bone le batsadi. Le fa go ntse jalo, a re fela jaaka kgwebo nngwe le nngwe, ya gagwe le yone e na le dikgwetlho. 2, Rre Frankel Mohutsiwa, a re jaaka malatsi a boitapoloso a simolotse jaana, ba itlama go bereka ba tshwaragane le makalana otlhe a a diragatsang molao.O solofeditse Kgosi Sekgoma gore ba itlamile go netefatsa gore ba gaMmangwato ba tlaabo ba babalesegile le dithoto tsa bone. Rre Mokgolele a re le ntswa go na le kgonagalo ya gore dipalo di be di feta foo, badirelapuso ba ne ba dira ka natla gone bosigo jwa Labobedi go thusa ba ba amegileng. Moeteledipele wa lekgotla la tsamaiso ditlhopho mo Selebi Phikwe Mme Christina Sesinyi o kgothaditse banana ba toropo ya Selebi Phikwe go tsaya karolo mo ditlhophong ka e le yone tsela e ba ka supang dikeletso tsa bone. A re tsela eo ga e dirwe fela ka gore ditlhopho di gaufi, e bile a tlhalosa fa dikakanyo tsa mofuta o di latlha boidiidi, ka gore ditlhabololo di dirwa ke diphathi tsotlhe di kopane le badirelapuso, e seng phathi ya BDP e ipapaletsa ditlhopho. O ne a tsibosa setshaba gore ba seka ba itewa tsebe ke diphathi tsa kganetso tse dingwe tsa tsone maitlamo a tsone a sa itlhaloseng sentle. E ne ya re ka mafelo a beke, mokgatlho wa rotary wa toropo ya Francistown wa tshegetsa moletlo wa go abela bana bangwe ba ba tshelang ka bogole ba kgaolo ya Bokone Botlhaba dikolotsana. Rre Sesinyi o tlhalositse fa ngwaga le ngwaga ka nako eno e le ba sepodisi ba lekola dipalamo bogolo thata tsa setshaba go netefatsa gore di mo seemong se se siametseng go rwala setshaba ka malatsi a Keresemose. A re bangwe ba felela ba tlhokafala ka go tlhoka go sala ditaelo tsa ba bongaka morago. Mongwe wa barutabana kwa sekolong seo Mme Ontiretse Kgosintwa are ba sale bannile le toro ya go aga ntlo eo ka ngwaga wa 2010 mme banna le dikgwetlho tse dineng tsa paladisa toro ya bone jaaka letlhoko la madi le go sa ithaopeng ga batsadi . Mme Garethata re bontsi jwa nako o tsamaya ka koloi a rekisetsa fa pele ga marekisetso ka go farologana kwa Palapye. O tlhalositse fa maikaelele a gagwe ele gore mo isagong fa madi a ne a le teng a atlolose kgwebo a oketse babereki. Fa a tsibogela dingongora tseo, Rre Keinyatse o supile fa e le boammaruri go ne ga nna le tiego ya go abela banni ba kgaolo eo dipodi ka fa tlase ga lenaneo la nyeletso lehuma mme a solofetsa fa ba tla ikitaya ka thupana gore e re kgwedi eno e ya fifing ba bo ba thusitse ba le bantsi. A re go phutlhama ga itsholelo ke gone mo go neng go diile ditlhabololo tsa metse e mentsi mo lefatsheng leno ka bophara, mme a re ka thuto e le yone konokono ya lefatshe, madi ka bontsi a abetswe lephata leo. O supile gore le fa mo nakong eno ba sena ofisi e ba berekelang mo go yone , go botlhokwa gore ba nne le yone. A re bangwe fa dithuto di tsweletse ba a robala fa bangwe ba kgona go tswa mo sekoleng nteng le tetla mme ba bangwe ba utswa dithoto tsa ba bangwe mo matlong a borobalo. A re ba masika ba tswa kgakala ba leka go tlamela bana ba ba tlhokafaletsweng ke batsadi, le fa go ntse jalo a re go a tshwenya go bona batho ba itsholelo e e botoka ba ngosela go thusa ba ba dikobo di magetleng. Kotsi e gapa matshelo a mabedi A re, tsamaiso ke gore fa motlhophi a latlhile karata, o ikgolaganya le ba ofisi ya bone go ya go direlwa moriti o mongwe wa karata, go nale gore motho a ikwadise gantsi. Mopalamente o ne a re e re le ntswa go ntse jalo mme le ene o dumela gore go botlhokwa gore barulaganyi ba dikgaisano tseo ba netefatse gore go nna le baatlhodi ba ba itseng sengwe ka mmino oo. O kopile puso go sekasekela batho ba metse eo ka jaana dipolasi tseo di ba hupeditse mme e bile di sa ba solegele molemo. Mo go tsotlhe tse le di dirang go ya pele, le seka la lebala kwa le tswang teng gore le seka la latlhegelwa ke tsela. A re barui ba ba leseletsang loruo la bone go hula mo ditseleng tse di ageletsweng ba tla tseelwa dikgatlo tse di gagametseng fa loruo la bone le ka amega mo dikotsing tsa tsela gammogo le bao, ba ba kgweetsang ba nole kana ba sena ditlankana tsa go kgweetsa. Rre Moribame fa a bua kwa moletlong wa mafelo a ngwaga bosheng kwa Bobononga re o leboga bodiredi ja khansele ga mmogo le ja sepolotiki ebong makhanselara go dira ka natlale fa go ne go na le dikgwetlho di tshwana go tlhaelelwa ke ditsompelo. Rre Lekhutlile a re puso e bone go tlhokafala gore bana ba direlwe letsatsi la ngwao ka gore ga go sa tlhole go dirwa dipe tsa ngwao kwa malwapeng. O tlhalositse fa Rre Matho e le motho yo o bonolo e bile, a na le bokgoni jwa go isa kgotla kwa pele. A re o dumela mo kgodisong e e siameng ya bana ka jalo o kgothaditse batsadi go tsaya karolo mo go ruteng bana ka tlhakanelo dikobo, ba seka ba tsaya gore ke tiro ya barutabana ba le nosi. O gakolotse setshaba go fetola ka fa ba tshelang ka teng, a re, ba fokotse tiriso ya letswai le mafura a mantsi mo dijong. Motsamaisi wa ditlhopho kwa kgaolwaneng ya botlhophi ya Sesame, Rre Mogorosi Kokoro, a re ba kopane le kgang eo kwa kgaolwaneng ya Halleluja Church of God. Rre Kebafitlhetse a re tirisanommogo magareng ga morutabana le motsadi ke yone e e ka dirang gore go kgonwe maikaelelo a tokafatso maduo a bana. Nnang le metlobo ya dibuka O kaile fa ba ne ba tabogile le go kwadisa ka fa molaong Tshiamo Moreetsi, yo ditlhopha di le tlhano di setseng di supile kgatlhego mo go ene mme ba kgonne go mo ngoka gore a beye konteraka ya ngwaga tse pedi monwana. Khansele ya Bokone Botlhaba e iphutha metlhala A re dikgang tseo di tlhabisa Botswana ditlhong mo ditshabeng tse dingwe. A re ba rute bana molemo le bosula, ba tswe mo go romeng bana majalwa le go dira ditiro tse di maswe fa pele ga bone, le fa ele go omana fa pele ga bana. Maloba ne re le kwa Tlokweng SOS, ra ya le kwa go tse dingwe. O ne a leboga maloko a Re a Nyalana ka thulaganyo e ntle e ba e dirang. Rre Tumaeletse o boletse fa gareng ga dikgwetlho tse ba kopaneng le tsone e ne e le letlhoko la madi, tebego ya Grotto le gore dingwe tsa didirisiwa tsa kago di ne di se yo mo madirelong a dikago mo Botswana mme ba patelesega go di latela kwa ntle. Le fa gontse jalo bangwe ba makhanselara ba ne ba le bête semolangwana ka mogopolo oo mme seo se ne sat lama modulasetilo go kgaoganya ntlo mme bontsi jwa fenya. Banni ba Mogotlho ba akgoletswe boitshwaro le bokgoni jwa go tlhokomela motse wa bone ntswa ditlamelo di ise di goroge kwa go bone. Itu, jaaka a itsege mo mererong ya tsa botaki o tsweletse ka go dira sentle mo bogompienong ka go bo a tsweletse ka go rekisa ditshwantsho tse a di dirang ka pente. Rre Moloi a re paka ya go segwa ga bojang e simolotse kaLaboraro go fitlhelela Phalane a tlhola malatsi a le lesome le boroba bongwe. Rre Nfila o ne a gatelela gore ba-na-le bogole ba na le seabe mo kgolong ya itsholelo ka mo nakong ya gompieno ba supile fa ba na le botsipa jwa go tsamaisa dikgwebo. Fa ba mo boka jaaka pula ya medupe, mongwe wa magosi gape e le mookamedi wa lekgotla la boikuelo la Setswana, Kgosi Christopher Masunga, o ne a re mogaka o tlogetse a adile moalo wa sennela ruri. Fa go sena thotloetso e dikgwebo di ka ikaegang ka yone, di felela di phutlhama mme seo se dire gore maiteko a bagwebi a folotse. Rre Bengane a lebogela mpho eo a re e tlaa dira pharolaganyo mo sekoleng sa gagwe. A re bomme ba itsa borre go tlhola bana ba bone ga mmogo le gone go tsalana le bone ka tsela epe fela. Fa a supa matshwenyego a bone e le ba sepodise, mogolwane yo o okametseng sepodise mo kgaolong ya botlhaba jwa Botswana Rre Stephen Majaha o ne a gakolola botlhe gore pele ga ba tsaya ditshwetso tsa go dira borukutlhi, ba akanye pele gore fa e ne e le bone ba dirwa jalo, ba ka bo ba tseega jang. Mongwe wa banni, yo gape eleng lebutswa-pele la Goo-Tawana Rre Kesielwe Ledimo o ne a tlhalosa fa morafe o sa tshwaragana e bile go sena morero o o tlhapileng. Mme Mpayang a re mabaka a go dira jalo ke go fokoletsa batho mosepele wa go ya go kwadisa dikompone kwa Francistown, a tlatsa ka go re kompone nngwe le nngwe e e mo tirisong e tshwanetse go kwadisiwa, a supa fa le tse di setseng di kwadisitswe di tlaa bo di kwadisiwa sesha. Komiti e supa setshwantsho Dingwe tsa ditante tsa rona di makgasa ka batho ba fa ba sena go thusiwa ka tsone ga ba di buse,a tlhalosa. O ne a kaya fa mo ngwageng ono mmino oo,o godile ka o setse oname le lefatshe leno. A re ga go na dikholobete tse di lekaneng tse di fetisetsang metsi ao kwa nokeng mme a felele a tlala mo malwapeng a batho fa dipula di na ka mashetla. Rre Peter Mongwaketse a re ka jalo Batswana ba tshwanetse ba ipelela tsotlhe tse Botswana a di fitlheletseng go fitlha ka jaana. Babereki ba kgothadiwa go dira ka natla O buile jalo ko phuthegong ya khansele bosheng e e neng e itebagantse le go fa batsamaisi ba lenaneo leo sebaka sa go rolela khansele tse ba di kgonneng mo ngwageng wa madi wa 2014/2015 le go kopa madi a ditiro tse di tlang. Mme Koobonye o tlhalositse fa kgwetlho e tona e ba kopanang le yone ele gosa bona bareki. Mokhanselera Segametsi Legoreng wa Mmaphula Bophirima ene o ne a bua a menne phatla ka kgaolo ya Extension Six a re e mo mogobing, matlo a a wa ka dinako tsa dipula, a supa fa maiteko otlhe a go buisana le ba lekgotla la kabo ditsha la Palapye a dirilwe mme go se nko e e tswang lemina. Maiteko a go koba modulasetilo a foloditse A re e re ntswa mmino wa Polka e le mmino oo ikadileng mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa , dikgaolo tse dingwe di ne tsa kgatlhegela go ithuta mmino oo. Kgosi Olebogeng Mojuta wa kgotla ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe o kopile morafe o o neng o tsene phuthego ya kgotla e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Selebi Phikwe Botlhaba, Rre Nonofo Molefhi go neela bagolo tlotlo e e ba tshwanetseng. A re puso e tseetse kwa godimo kakaretso ya ba-na-le-bogole mo thulaganyong ya yone ya ditlhabololo.Rre Toteng a tlhalositse fa puso ka thulaganyo ya tebelopele ya Setshaba ya 2036, lenaneo la ditlhabololo la bolesome le motso (NDP11) le lenaneo la go nonotsha beng gae mo go tsa kgwebo la 2012 (Citizen Economic Empowerment Policy of 2012) e itebagantse le ba-na-le-bogole ele setlhopa se se faphegileng se se tshwanetseng sa fiwa ditirelo ka karetso ke batsaa karolo botlhe. O solofeditse balemi gore tirisano ya bone le boraditerekeree tlaa tokafala ka ba utlwile dikgotlhang tse ba nnileleng le tsone mme ba tlaanetefatsa gore go hirwa batho ba ba itseng go lema mme gape boraditerekere batlaa kgaoganngwa ka masimo a ba a lemang. Rre Dikhuhang a re Rre Gaoakanye o ne a mo araba ka gore le bone e le ba ba theogetseng mo tirong ya go tsamaisa ditlhopho ba lemogile seemo seo ka jalo ba etse motho yoo thoko. O supile fa a ikaeletse go tshegetsa kgwebo ya gagwe le fa a ka ralala diemo tse di thata ka a itse fa mo kgwebong go se kitla go tlhokega makgwere ape. Le fa go ntse jalo, a re ba tlaa fefosa tsamaiso ya go phutha dikoloto gore ba bone madi a go tswelela ba tlhabolola ditlamelo tsa phatlalatso ya metsi le gone go gokela ba basha ba ba ikopetseng. Molaodi wa Letlhakane o kgadile mokgwa wa baratani ba ba nnang mmogo ba sa nyalana a re mokgwa o, o a tshwenya ka molao o sa sireletse batho ba go nna jalo. Komiti ya ditlhabololo ya Mogonye mo kgaolong ya Borwa ke nngwe ya tse di gatetseng pele ka go ikgobokanyetsa madi ka methale e e farologanyeng go leka go tlhabolola motse. Kgosana Abram Thuto wa Madiaela ene o ne a kgothatsa morafe wa gagwe go agelela masimo a bone ka lenaneo la puso le teng, a re mo nakong eno go ka bo go sena ope Motswana yo o jelwang ke leruo masimo ka puso e thapholotse letsogo go ba thusa ka diterata. Rre Maele o ne a ikuela mo banning bogolo jang dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ka e le bone ba ba tsamaisang lenaneo la Ipelegeng go emisa tse di sa letlelelweng go diragala mo Ipelegeng go fema kgotlelesego ya lone. Matlwana a boitiketso a fa seriti A re maikaelelo a lekgotla la tsamaiso ditlhopho ke go ruta batho bogolo jang banana ka tsamaiso ya ditlhopho le ka fa ba tshwanetseng go itshwara ka teng ka nako ya ditlhopho. Dikatso tse di tla a okediwang di akaretsa tsa Ipelegeng, tsa bagodi, bathugi, batlhokomedi ba balwetsi kwa malapeng, masole a pele a ntwa ya lefatshe ya bobedi, dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le tsa batlhoki. E re ka jaana Modimo o sa je nkabo, bobedi jo, bo tlhalosa fa e ne ya re mo letsholong la bone go batla mmereko, Mme Tabushwa Twins wa madirelo a go roka a Bush Tea a ba thapa mme a seka a ba itsapela, a nna pelotelele go ba tlhatlhelela maele le dikitso tsa ka go roka le go sega letsela ka sa bone e ne e le go kgatlhegela go roka ba sena kitso epe. A re ga ba abe diaparo fela mme ba abelana gape le dikitso. O supile fa ditlhopha tse di neng di iteisana borathana di le lesome le bosupa mo ngwageng ono. O kaile gape fa lephata la kabo ditsha le kaile gore botlhe ba ba amilweng ke go sutela moepo ba tlaa thusiwa ka pela phatlha ya lefatshe e ba ka bewang teng e bonetse, maitlamo a a reng ga a diragadiwa. Morui Rre Charles Mokobi o ne a kopa Rre Makubate go ba tlhalosetsa gore a lenyalo la bone le banka eo, ke sekoloto kana jang le gone gore banka e e tlaa bo e ba duela jang. Rre Moahi a re ba ne ba ba koba ka go lotlelela bana ba sekole kwa ntle ba bo ba bolelela bogogi jwa sekole gore ga ba kake ba tswelela ba le mmogo ka jaana ba sena tirisanyo e e tlhapileng. Ke kgonne gape le go reka koloi e nthusang go tsamaisa kgwebo yame, ga bua Rre Thokwane. Pego e tswelela e re tiego epe ya go oketsa dituelo tsa badirelapuso e ka ba baya ka fa mosing ka jaana ditumelano e seke di duelwa melala. Le fa madi a ba neng ba a kgobokantse a ne a sa lekana go ka reka tsotlhe tse ba neng ba ditlhoka, ba ne ba reka tsa botlhokwa mme kgwebo ya simologa. Rre Zibochwa o ne a gwetlha makalana a mangwe a puso le a a ikemetseng go ikitaa ka thupana go thusa puso mokgweleo wa go tlamela Batswana ba ba nang le letlhoko. Ke boswa jwa rona, re bo diretswe ke batsadi ba rona. O tlhalositse fa go le gantsi lephata la dikgolegelo le kgalwa ka tumelo ya gore le golola batho ba sa wetsa kotlhao. Pula ya matlakadibe e sentse Ditagi mmaba Ke feditse go tlhopha ka nako ya boroba bobedi mo mosong, mme yare morago ke le kwa lwapeng, ka iteelwa mogala ke Tefo Sametse a re go na le mongwe yo o tsamayang a ema ema fale le fale le batho ba ba emetseng go tlhopha, mme a belaela gore o ka tswa a polotika. A re o ne a tshwenngwa ke seemo se, ka jalo a boela kwa matlhophelong. O boletse fa se se ka diga seriti sa yo o amegileng mme a felele a tshwabelelwa ke malwetsi ka ntlha ya kutlobotlhoko e. O ne a tlhalosa fa diolo di tshwenya fela thata mo masimomg e bile di e ja dijalo. Kgosi Petelelo a re le fa mo dingwageng tsa maloba go ne go se phoso go itiketsa mo sekgweng jaanong dipaka di fetogile, ka jalo seemo seo se baya botsogo jwa motho le tikologo ka kakaretso ka fa mosing. Ba re maikaelelo a bone ke go neela setshaba dithuso ngwaga o no le go feta ngwaga wa 2016 ka ele seabe sa bone le Batswana go ipelega le go thusa ba ba tlhokang kana fa puso e tlhaelang teng. O tlhalositse gore ba gwetlhilwe ke go lemoga fa setshaba se sa dirise tsa itshireletso tse di fitlhelwang kwa kokelong eo, mme seo se beye matshelo a bone mo kotsing. A re boraro joo, bo ne bo tswa Kanye kwa kgotleng ya ga mmakaseterata, kwa babelaelwa ba neng ba ile go itshupa teng; magolegwa ao a ne a le mabedi ka palo. Rre Matlhogojane o ne a tswelela ka gore go ka bo go ne go le botoka fa sephato sa dikoloi tse di thothang matlakala se ka bo se ne se le mo tirisong, gona le gore go bo go bereka fela di le borobabobedi mo go tse di masome a mabedi le borobabobedi. Ba ganeditse magatwe Rre Mogomotsi Samson, mooki wa botsogo ja setshaba o tsweletse a tlhalosetsa banni fa go na le ditokafatso tse di dirilweng mabapi le kankere ya molomo wa popelo, a re erile ba lephata la botsogo ba lemoga fa bontsi ja bomme ba fela ntateng ya kankere ya molomo wa popelo ba tla ka lenaneo la go kenta bana ba basetsana ba ba dingwaga tse di boferabongwe go ya ko go tse di lesome le boraro. Go ya ka mookamela mapodise a Mochudi, Superintendent Simon Sitale, banna bao ba fitlhetse bobedi joo bo itisitse mo koloing ya mme yoo mme ba ba tsenelela ba betsa rre yoo, ba bo ba mo pega mo koloing ba inaya naga ka bone. E ne ya re a bua mo boemong ja lekgotla la ba bueledi, mmueledi Rre Gabriel Komboni go tswa kwa komponeng ya Phumaphi le Chakalisa kwa Francistown, a tlhalosa ka botlalo ka Trust Account le bomosola ja yone a re e thusa thata mo tsamaisong ya ofisi le go dira dilo ka tolamo gammogo le go itse go tsena le go tswa ga madi. A re le fa batho ba tsamaya ka tsela tse di farologaneng le ka nako e farologaneng, go botlhoko ka gore batsadi ba bana ba ne ba lebile mo go bone. Mmueledi wa basekisiwa Rre Sylvester Mokwaise o ne a supa fa a amogela melawana eo ya gore basekisiwa ba ka letela tsheko kwa ntle ga kgolegelo fa go santse go letilwe ba bosekisi go wetsa ditlhotlhomiso. Mopalamenete wa kgaolo ya Mogoditshane Rre Sedirwa Kgoroba, a re ere ntswa a rotloetsa ba kabo ditsha go tsibogela tharabololo ya dikgang tsa lefatshe kwa kgaolong eo gore batho ba ba letileng ka lobaka go bewa, ga a kitla a ema nokeng ope yo o ithophetseng go ipaya lefatshe kwa kgaolong eo. A re batho ka bontsi ba tsena mo lenyalong ba sa itse ka lone, a supa fa bangwe ba tsenela mabaka a e seng a lenyalo jaaka go batla dikhumo, kana go nyalwa fela ka gore ba bona bangwe ba nyetswe. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Dithojane, Rre Kesolofetse Koosaletse a re komiti ya bone e bone go le botlhokwa go abela sekole se sebotlana sa Dinokwane ka tlhokomelo e e tsepameng e rotloetsa ngwana go dira sentle mo dithutong. O tlhalositse fa 83% ya baithuti ba tseneletse lenaneo, ka jalo o gakolotse batsadi ba ba iseng ba tle go saenela bana go dira jalo. Mopalamente o ne a kaya fa ba mmino wa polka o tlotlomaditse thata ngwao ya kgalagadi a supa fa o setse o oka le bone bajanala. A re kgang e nngwe ke gore maloko a komiti ya batsadi le barutabana a tshwanetse a sekasekwe mme a fiwe lemmenyana bogolo jang ka ba emetse tshaba ya Botswana e bile ba dira le bana botlhe ba sa lebelela dikgang tsa thuto ya bana ba bone fela. Lenaneo le, a re le ne la rotloediwa thata ke Tautona Lt Gen. Dipodi di ntsha monana mo lehumeng Mapodise, modisa magolegwa ba gobaditswe O kgothaditse banana gore ba ithute thata mo go tsa maranyane, a tlhalosa fa ba bone go le maleba go laletsa dikompone tse di dirang ka tsa ditlhaelatsano tse di farologaneng di akaretsa Mascom, Orange, Botswana Post, beMobile le tse dingwe go tla go tlhatlhelela banana. O tlhalositse fa mo malatsing ano, batsadi ba tsisa bana ba bone kwa kgotleng go tla go tsenngwa mo tseleng fa ba tlhoka tsebe, mme ebile a tlhalosa fa a itumedisiwa ke batsadi ba ba tsisang bana ba bone kwa go bone ka dithoto tse ba belaelwang ele tsa bogodu. A re batsadi bangwe ke bone ba rotloetsang dikgang tsa mofuta o, ka ba letlelela bana go nna mmogo ntle le kgalemo le kgakololo epe, e bile gape fa ba kubetsana ga go na ope yo o kopang thuso, a tlatsa ka go re ‘e anyang e leletse e ruta e maleng’. Bagwebi bao ba bile ba kopa khansele go tlhwaela selelo sa bone tsebe ka go ba gokelela metsi. E rile ba mo kgwa dikgaba, banni ba ne ba re ba nna lobaka ba sa bone ditsha, selo se Rre Phuthe a tlhalositseng fa le bone se ba tshwenya, mme ga ba na madi a phimolo keledi ya go amoga batho masimo. Kgosi Showa a re go le gantsinyana bagodi ba latlhegelwa ke matshelo ntateng ya tiego ya go bona kalafi. A re lefatshe le le sa tlhabololwang, go tlhoka go sa dire sentle ga mananeo a banana, mananeo mangwe a a phutlhama le go tlhoka go busa madi a ba a adimilweng. Rre Lucas o tlhaloseditse batlhophi gore fa ba ka tshameka ka tlhopho ya bone, phathi ya BDP e ya go tsaya metsi e a isa kwa dikgaolong tsa Borwa ntswa kgaolo ya bone e lela sa khuranyo ya meno ka seemo sa metsi. O boletse fa go na le tshenyo e e diregang kwa dikagong tsa Bathoen Trust, mo go kgonang gore go ntshiwe dikoloi maoto, a re seemo se se ba pateleditse go thapa badisa dikago. O akgotse gape barutabana, a supa fa go dira sentle ga bana go sa tla fela, mme go supa fa go ne go na le lenaneo le le neng le setswe morago ke barutabana le baithuti. Mme Dibere a re gantsi o tsamaya a sela di pampiri go di busetsa mo tirong le go phepafatsa tikologo. Ka jalo Rre Kgobero o tlhalositse fa gantsi ka nako ya merwalela ba thusa batho ka mekoro e ba tlodisang dithoto tsa bone noka ka yone. O kopile banni ba Bokoni Bophirima go ba ema nokeng mo nakong e e tlang ka gore maikaelelo a gagwe ke go dira moletlo o ngwaga le ngwaga. Kgosi o ne a rotloetsa batsadi go ema ka dinao go nna le boikarabelo, ka go kgalemela bana le go ba ruta maitseo. Fa a tlhalosa mo moletlong wa kabo dimpho tsa bana ba ba tlhokomelwang ke lephata leo, molaodi o ne a akgola lekgotla mo tirong e ntle e le e dirang, a supa fa ba le mo tseleng ya go goroga kwa ngwageng wa 2016 ya go nna setshaba se se kutlwelobotlhoko e bile se le lerato. E ne ya re a a fa mafoko a kgothatso, Bishop Johannes Lephogole go tswa ko kerekeng ya Legae le le ntle o ne a bua thata ka bojalwa a re ke jone mmaba mo dikotsing tsotlhe tse di bolayang batho. Rre Morebodi o akgoletse balemi ba Mapatswa go ipopa go dira mmogo. Ba kopile gore mo peong ya ditsha e e latelang, go nne le thulaganyo e e faphegileng e le go akaretsa ba-na-le bogole ga mmogo le ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. E rile a rola pego kwa phuthegong, mothusa mokwaledi wa komiti Mme Gabaikanngwe Motsumi a supa fa ngogola ba kgonne go agela motlhoki ntlo, go gokela metsi le motlakase mo diofising tsa komiti, go bula letlole la poso, le go baakanya ntlo e e neng e shele, ba bo ba penta le e nngwe. Archbishop Mautle o boletse fa kago ya kereke eo e lopile madi a a ka tshwarang P250 000, ka gore bontsi jwa tiro bo dirilwe ka boithaopo. O ne a tlhalosetsa banni gore puso e leka ka gotlhe go tshegetsa le go bapatsa dikgwebo tse di thusitsweng ka lenaneo gore ba kgone go bona madi a go itshetsa. Mme Mokgweetsi a re maikaelelo a bone ke go lemotsha balemi-barui ba tikologo ya moepo gore tsela e ba e kopanetse. Rre Butale a re ntswa sekole seo se sa balelwe mo dikoleng tse di bidiwang excellence schools jaaka Mogoditshane Senior Secondary School, Matshekge ene o tsweletse ka go bereka ka thata go phadisana le tsone mo metshamekong. Bomme mo lefatsheng leno ba tsweletse ka go supa fa le bone ba na le bokgoni jwa go dira ditiro tsa diatla tse go tlwaelesegileng e le tsa borre. Mme Keabonye Masilonyane wa komiti ya Mathubapula le ene o ne a tlhalosa fa mangwe makhanselara a kgokgontsha maloko a dikomiti tsa VDC. A re ke yone nako ya go amogana megopolo gore ditirelo tsa botsogo di ka tokafadiwa jang gore ko bofelelong mongwe le mongwe a bo a itumetse.Mme Ngwako o tsweletse a kgothatsa banni ba Sehunou go tsaya maikarabelo a botsogo ja bone, a re boitshwaro jwa rona ke jone botsogo jwa rona, a re ba na le tshwanelo ya go itse dielo tsotlhe tsa ditirelo tsa botsogo, ka a re fa ba na le kitso ya tsone ba tlaa itse pharologanyo fa ba sa fiwe ditirelo ka fa go tshwanetseng le fa ba di fiwa sentle. Mokhanselara wa kgaolwana ya Maunatlala mme Salome Lesole o kgadile a sa kgwe mathe mokgwa o o dirwang ke banni ba motse wa gagwe wa go ikgakgapelela pampiri ya dikgang ya sechaba ya DailyNews. Mo maitekong a go aga tshaba e e rutegileng e bile e na le kitso, e rile bosheng mapodisi a Middlepits a abela sekolo se se botlana sa Gakhibane sejana ba ba akgolela maduo a mantle a ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa. O boletse fa ba le mo kgweding ya bone ba sena go welwa ke seru seo mme ba ise ba thusiwe go busetsa leobo leo mo seemong, ka moo ba tshwarela diphuthego ka fa tlase ga ditlhare. A re madi ao a solofelwa go busiwa mo dingwageng tse 20 ka dituelo tsa P375 ka kgwedi. Mo go tse dingwe, Kgosi Malope o rotloeditse banna go dira loaro la borre ka dipalo tsa ba botsogo di supa fa ba le maoto a tshupa go dira jalo. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, wa kgotla ya Lekgwapheng, Mme Gaofele Morake, o supile batsadi ka monwana gore ga ba a tlhwaafalela thuto ya bana ba bone. A re dipatisiso di supa fa motse o e le one o o nang lelefatshe le lentsi le le abetsweng go lengwa ka le na le diekere tse di katshwarang dikete tse di lesome mme go lemiwa fela tse di dikete tse tharo. A re seemo sa go tlhaela dikotla ga se kake sa kgonwa ke ba booki fela ka jalo go botlhokwa gore batsadi ba nne le seabe. Mo tiragalong e nngwe Superintendent Sitale a re ba mo dipatlisisong mabapi le kgang e mo go yone monna mongwe wa dingwaga tse di masome a ferang bobedi le bobedi wa masimo a Tlokweng a neng a kgothosiwa P1 722 ke banna bangwe ba le bane e ntse e le ka nako ya bobedi mo mosong gone ka letsatsi leo. O kopile ba ba kgatlhanong le go tlhongwa ga ga Kgosi Phologo mo setilong gore ba tshware dipelo, ba nne le tlhompho mme ba seka ba bua ka dikgang tsa bogosi matletleisi. Mme Mmantukunu Thankane yo le ene a thusitsweng ka Nyeletso Lehuma ka dipudi di le lesome le boraro ka 2012 a re seemo sa leuba se ne sa kgoreletsa letsalo mo dipuding tsa gagwe. Rre Mangole o ne a supa fa a kile a ntsha mogopolo ko Khanseleng gore sekolo seo se dirisediwa go thusa bana ba dikhutsana le ba-na-le bogole mme mogopolo wa gagwe wa itaya se fololetse. E jewa thata ke dihutshane le dikgomo. Mme Seabe o ne a tlhalosa fa a ka seka a kgona go bua le babegadikgang kwa bothokong go tlhalosa kgang e ka botlalo. A re kgang ya dipolao tsa bomme ke bolwetse jo bo tlhokang kalafi. A re batho ba ipabalele mo dilalomeng ka go tila go itisa mo lefifing. E ne ya re go le pele fa a a bua ka modiro oo, modulasetilo wa komiti ya mautlwelobotlhoko mo kerekeng eo, Mme Otaatla Gaotloge bolela gore e ne ya re ngwaga ono o simolola ba tswa ka mogopolo wa go direla setshaba sengwe fela e le tsela ya go supa lorato. Ka jalo o kopile banana go nna le boikarabelo fa ba kgweetsa dikoloi. A re le mororo bomme bangwe ba na le seabe mo kgannye ya thubetso, dipalo di supa fa banna ba tsaya folaga. Fa a bula semmuso dithuto- puisanyo tseo kwa Selebi Phikwe ka Labobedi, molaodi Rre Mokgethi Nfila o lebogile ba lephata la papadi le madirelo go nna le seabe mo go ruteng ba-na- le bogole ka tsa kgwebo, ka se se ka dira gore ba nne le seabe mo tlhabololong ya lefatshe. O supile fa ba na le matshwenyego a motlakase o o diegang go tshuba. Sekole sa Kgagodi se tokafatsa maduo Rona re diragatsa fela se se thomamisitsweng ke makgotla a ditsheko, ga tlhalosa Col Motlalekgosi. Mme Jorosi a re ba lemogile gore bangwe batho ba kgona go bona dithuto kwa ditirong le fa go ntse jalo bagodi bone ba beilwe ka fa mosing. Banni ba kgaolo ya Shoshong ba kopilwe go ipaakanyetsa temo gore ba nne le maduo a nametsang. O boile gape a tlhalosa gore fa a sale a simolola kgwebo kgwetlho e tona e a e itemogetseng ke gore matlalo a a tura mme se se baya kgwebo ya matlalo mo lefatsheng leno ka fa mosing ka go dira gore ba rekise dilwana tsa bone ka ditlhwatlhwa tse di fa godingwana gore ba bone dipoelo. Le fa go ntse jalo, Zulu o atlegile mo go nngwe ya ditsheko tse di fa pele ga ga Mmakaseterata Raphael, e mo go yone go kaegang fa ba bosekisi ba ntshitse mabaka a gore lekgotla le e tshololole ka bosupi bo tlhaela. Rre Kgatlhang o boletse mo potsolotsong fa thuo e se selo se se motlhofo ntateng ya dikgwetlho tse di farologanyeng. A re bogadi jone bo na le seelo se se bewang gore monna a bo fitlhelele mme fela le gone a kgona go itela ka se se beilweng pele ga gagwe a supa fa se e se ka gore o a bo a nyatsa ba gaabo mosadi mme e le fela go ipaakanyetsa botshelo jo bo kwa pele. O kopile komiti ya ditlhabologo ya motse (VDC) le ya twantsho borukutlhi go tshwaraganela dikgwetlho di akaretsang go nwa bojwala le tiriso ya diritibatsi, a bo a ba tlama go ruta le go tseela batsadi ba ba ikgatholosang tlhokomelo ya bana ba bone. O ne a boa a ba bolelela fa puso e fokotsa ditshenyegelo ka jalo ditirelo dingwe di tlaa nna bonya. Sekole seo se ne sa abelwa le mealo, didirisiwa tsa metshameko le ditlhare. Kwa lwapeng fa a fetsa go feela, o epela matlakala go a dira manyoro. Bafenyi bao ba ne ba ikgapela kopi, dietsele tsa gauta le paka ya setlhopha sa batshameki. Rre Motlokwa a re o eletsa go godisa kgwebo ya gagwe ka go ruta banana ba bangwe go suga letlalo mme morago e nne bone gape a rekang matlalo mo go bone. A re ga gona sepe se se mo itumedisang jaaka go ipona a tshwere pente le borashe, a dira se se agileng mo pelong ya gagwe e leng botaki. Rre Batshu o buile seo kwa diphuthegong tsa kgotla kwa Madikwe, Senete le Mabuwe ka Labobedi. Rre Molefhi o ne a supa fa dikatlholo tsa batho ba ba gwebang ka diritibatsi di baakantswe e bile di ama dintlha dingwe tse di ka dirang gore batsadi ba bo ba ka iphitlhela ba gogetswe kwa makgotleng a ditsheko ka lebaka la go tlhoka kitso. Kgosi Ntau wa Maleshe ene o ne a gakolola batsadi go tsamaya le bana kwa dikerekeng gore ba tle ba kgone go ithuta lefoko la Modimo ba sa ntse ba le bannye ba tle ba gole ba boifa Modimo, a tlatsa ka go re, ‘poifo Modimo ke tshimologo ya botlhale’. O ne a gwetlha balatedi ba kereke ya Roma go tswa mo mafelong a a farologaneng go tla go rapela mo lefelong leo nako nngwe le nngweka tsholofelo e le gore dikopo tsa bone tsotlhe di tlaa arajwa fa ba na le tumelo. Potso a bo e nna gore, ke eng banana ba sa kgathale mo go kalo. A re seemo se ga se jese diwelang ka jaana tshimo ya ga mmaagwe e ba neng ba e lema e tserwe ke moepo wa magala. O supile fa ba lebanywe ke kgwetlho ya tlhaelo ya dipodi mme a ikuela mo baruing gore ba ba rekisetse mme ba ye go abela setshaba. Dr Khudu-Peterson o kopile batsadi go tshwaragana le bone ka go rotloetsa bana go tlhaloganya fa thuto e le boswa le gone go ba lemotsha ka botlhokwa jwa go ipelega gore ba itirele ka diatla go itshedisa. O gakolotse morafe gore o amogele ditlhabololo, a tlatsa ka gore leeto la bone e ne e le go tsaya megopolo fela e seng go tsaya ditshwetso. O itsisitse morafe fa go tla a nna le batho bangwe ba ba tlaa tsamayang le motse wa Kanye ba rapelela pula ka jalo o kopile morafe go ba amogela ka diatla tsoopedi. Ba buile mafoko a mo diphuthegong tsa mopalamente wa bone yo o neng a buisa diphuthego tsa kgotla mo metseng eo bosheng. Tota moono mogolo wa gagwe wa go bereka mo marekisetsong a dijo, e ne e le go kokotletsa madi a tshimolodiso ya kgwebo ya gagwe, go tlaleletsa talente ya gagwe ya kapei le go ithuta matsipa a go tsamaisa kgwebo ka ane a lora go itshimololela kgwebo ya gagwe ya dijo. Kgosi Radipitse o tlhalositse fa e rile ka Phalane a tlhola malatsi a le lesome le bosupa, Rre Seema a keteka Mme Keotshepile More ka mabole morago ga go tlhoka kutlwisisano. Tona Rre Ralotsia ene a re sa ntlha, banni ba ba gaufi le molelwane mo Botswana ba tshwanetse ba tlhaloganya fa kwa lefatsheng la Zimbabwe gaufi le molelwane wa Botswana, go supilwe fa e le kgaolo e e borai e e nang le bolwetse ja tlhako le molomo. O ne a leboga dikgosi go bo ba eme lenaneo leo nokeng e bile ba rotloetsa morafe go ikwadisa gore ba kopanngwe semolao. O supile fa go na le thulaganyo ya go thusa gore bana bao ba bone thuso e e tshwanetseng. Kgosi Saki ene o ne a gakololwa go sekegela tsebe dilelo tsa banni ba motse oo a sa gogele kobo ntlha epe. A re, balemi ba tshwanetse go nna teng ka nako ya fa ba lemelwa go rurifatsa fa ba ba ba lemelang ba ba lemela sentle. Mongwe wa baatlhodi kwa dikgaisanong tseo, Mme Onkabetse Ramasedi yo eleng morutuntshi wa tsa moopelo le tsa bodiragatsi, a re ba ne ba lebeletse dintlha tsa botlhokwa jaaka modumo, boleng jwa pina, gore a baopedi ba opela go tshwana, tlhaloso ya mafoko a pina le setlhogo, le gore a go na le neelano ya molaetsa. E re a ntse a le mo dithutong a ba gakolola gore fa ba epa seolo ba tlaa bona mmu o mosetlha o o bidiwang khadi, mme one mmu o,o tlaa bo o ba kaela fa ba le gautshwane le go bona khumagadi ya motlhwa. O kopile batsadi go godisetsa bana mo dikerekeng gore ba itse Modimo le go utlwa bothitho jwa lerato la gagwe. Babapadi ba phane ga ba jese kgosi diwelang Kgaisano eo, e akaretsa dikolo tse dipotlana mo metsaneng e e dikologileng Middlepits e bong Kolonkwaneng, Bogogobo, Khuis, Khawa le Gakhibane. A re fa ba ka dira dilo ka morero seo se tla tsisa kagiso le tlotlo fa gare ga bone mme ba fitlhelele maikaelelo a bone. O ile a tlhalosa fa mananeo ao a ne a le mo thulaganyong mme ka ntlha ya kwelo tlase ya itsholelo, a seegelwa fa thoko, ka jalo a tlaa dirwa ka lenaneo la go rudisa itsholelo. A re kwa kgotleng kgolo gone ba tlaa bo ba ganeletse mo dijong tsa Setswana. Banni ba motse ba ne ba nna le sebaka sa go kgwa mopalamente dikgaba, mme bontsi ba supile fa ba itumeletse ka fa mopalamenteng a ba etelang kgapetsakgapetsa ka teng. E rile a araba kgang ya letlhoko la metsi, a tlhalosa fa lephata la metsi le itse seemo, mme a tlatsa ka gore Mogotlho mongwewa metse e e nosiwang ka tanka, mme se se dirwa ke kgang ya letlhoko la madi. O boletse fa lenaneo le tsala mowa wa botsalano magareng ga morutabana, motsadi le moithuti ka botlhe ba nna seopo sengwe, a tlhalosa fa gape le dira gore batsadi ba kgatlhegele go lekola tiro ya bana. O ne a supa fa ba tlaa leka ka bojotlhe go ba thusa go rarabolola diemo tseo. Rre Khumomatlhare a re gona ka fa ba berekang ka teng basa tshware diphuthego ,go buisana ka tiro ya bone,gore ba fokotse dingongorego tsa bareke ,goitsa gore ba tle ba di ntshe mo diphuthegong tsa bo tona. O ikuetse mo batsading ba bana ba bone ba tsenang sekole kwa Matshekge go thusa sekole ka madi go tokafatsa seemo. Bishop Seane o buile se mo pulong semmuso ya lefelo la Grotto le tlhomamiso ya barongwa ba ga Keresete mo kerekeng ya Kreste Motswedi Catholic e e itsegeng ka leina la Roma ka Tshipi mo Tsabong. Fa a akgela mo pegong ya ga ratoropo ka Labobedi, Rre Kgosietsile a re ga go na pabalesego mo toropong mo go dirwang ke lefifi le le bakiwang ke go sa bereka ga dipone tsa mekgwatlha. Makhanselara mangwe jaaka Rre Solomon Ramalejane, a re, e re thulaganyo ya Dithubaruba e tshwara madi a mantsi a go dumelwang e le dithoto tsa morafe, ga e na morero mme dilo di direlwa kwa thoko go ikgatholosiwa se e leng tshwanelo. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Mme Bonolo Eric o ne a kopa mopalamente go ba tswa thuso ka seemo sa kokelwana, a tlhalosa fa se ngomola pelo, segolo jang fa dipula di ka na. Mabaka mangwe e ne e le gore Rre Senwedi o tswa kgakala a wa a tsoga le bone ba sena kgosi, fa bangwe ba ne ba re Rre Kebuamotse ka e le ngwana wa lesika la bogosi jwa Lesenepole. A re lengwe la matshego a vision 2016 ke go nna tshaba e kutlwelo-botlhoko, tshaba e kgatlhalang ka matshelo a batho ba bangwe e bile ele tshaba e rutegileng. E ne ya re asena go dira semmausu se se gogwang ka lebaka, labofelo Mme Jane a tlhoma semausu sa nakwana fa pele ga marekisetso a Hukuntsi a a bidiwang Kwa-ga-MmaZol. O tlhalositse fa batsadi ba tshwanetse go ela tlhoko diphetogo tse di supang tiriso ya bojalwa le diritibatsi jaaka go fetoga ga tshoganyetso ga boitsholo, kwelo tlase ya maduo mo dithutong le gone go sa tsena sekole sentle, go itebala le go eta mogopolo, bosilo le go tenega ka pele, go utswa madi le dilo tse dingwe mo lwapeng jalojalo. O tsweletse a supa fa gantsi dilalome di lalela batho mo mosong le mo maitseboeng. O ne a rotloetsa banana go akanya mo go tseneletseng, segolo jang dikgwebo tse di ka ithekisang e bile di tlhokega thata mo mmarakeng. Molaodi wa Kgatleng, Rre Mompoloki Mochanang o akgoletse banni ba Mmathubudukwane go dirisa lenaneo la puso la Nyeletso Lehuma a re se se supa fa ba tlhoafaletse go itshetsa. A re letlhoko la motlakase le metsi ga se mathata a a tlaa nnelang ruri. Ene e rile a amogela baeng kgosi wa motse wa Mokubilo Botshabelo Dijeng a leboga mopalamente tiro entle e a e dirang ya go ba lekola,a bo a supa fa ban a le mathata a go latela ditlamelong tsa kabo ditsha ko Marapong ,mo areng go a ba turela. Badiri ba kokelo ya Maubelo ba ne ba tshwara thuto-puisanyo le morafe wa motse oo mabapi le dikgang tsa botsogo bosheng. E ne yare bosheng Botswana Congress Party (BCP) ya amogela maloko a masha a le lesome le bosupa kwa Moletemane. Ba re dingwaga tse di masome a matlhano tse lefatshe leno le di ipelelang ke katlego e kgolo fela thata mme ga go thona gore Batswana ba bo ba itumetse. Tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, ke rotloetsa batsadi go nna sekao mo baneng ba bone gore ba bone tse dintle mo go bone, ga bua Kgosi Thwane. E rile bosheng a ya go emela toropo eo kwa dikgaisanyong tsa didirisiwa tse di dirilweng ka matlakala mme a tsaya maemo a boraro lefatshe lotlhe. O boletse fa e le ya di ya thoteng di bapile, mme di tshwanetse go dira mmogo go tlhabolola metse e e farologanyeng mo kgaolong eo. Ba ile ba supa matshwenyego a bone a go tlhoka go thusiwa sentle ke lephata le metsi, ba bolela fa ba tswa kgakala ba ikuela ka lephata leo ka megobe e tletseng gongwe le gongwe le dikoloto tse di sa tlhomameng mme nako kgolo ke eno. Monni yo mongwe Rre Tshwaragano Motswagole one a tshwaela fa ditsha tse disha tsa kgotla ya Borakalalo di tlhaelelwa ke metsi le gore o kopa gore dikgang tsa palamente di boele go balwa mo seromamoweng gape. Mokhanselara yo mongwe wa Serowe legare, Rre Atamelang Thaga, o kgothaditse batsadi go fa bana ba lerato le thuto e e eletsegang. Kgosi ya Setsile kwa kgaolong potlana ya Mahalapye, Rre Senau Ramaribana, o lela ka teme ya Setswana e tsweletseng ka go nyelela. Le fa go ntse jalo, Mme Molapisi o ne a re ba tla a leka ka bojotlhe go fefosa go isa didirisiwa. E rile a tswa la gagwe, Rre Keobokile Bakani yo o dingwaga tse di lesome le boferabongwe, a tlhalosa fa ba le boitseme thata segolo jang fa go tla mo go tsa ipapatso le dipatlisiso tsa go bona gore ke efe kgwebo e e ka dirang bontle mo kgaolong ya bone. O ne a tlhalosa fa se e le kgatelo pele ya morafe mo go lwantsheng botlhoka tsebe mo motseng. Ba boleletse mopalamente gore seemo sa metsi ga se ba robatse. O supile fa ba ne ba kopa thuso kwa lephateng la polokelo ditso, lekgotla la SADC le kwa Botswana National Museum ka sethwantsho se. O boletse fa a tswa kgakala a itshwaragantse le dikole tse dingwe tsa Mpiti kwa Matobo le Goshwe ka go abela baithuti ba ba dirileng sentle. Mme Goitseone Garechaba, wa dingwaga tse di masome a matlhano le boferabobedi yo eleng monni wa Francistown, ene a re o tshwenngwa ke gore bana ba gompieno ba ima ba sale bannye. Ba re erile a sena go jewa ke ditlhopho tsa bulela ditswe a bo a tlhanogela phatlhi a ya go nna moema-nosi. Legale o ne a bolela fa a sa itumedisiwe ke go kgokgontshiwa ke badiri ba tiragatso molao ba khansele ba a reng ba a ba tshwenya ebile ba ba tsaya dithoto tsa bone tse ba rekisetsang mo go tsone. Ntlha e nngwe e ba neng ba e ama ke ya tlhaelo ya dibuka, ba re dibuka di tlhaela thata. Kgosi a re mathata ke gore batho ba ratile diteme tsa batho ba bangwe go feta Setswana. Mme Botsheleng o gwetlha Batswana gore ba sale ditoro le ditalente tsa bone morago ba seka ba di itsapela ka gore di ka fetola matshelo a bone. Ditlhotlhomiso tsa lekalana la National AIDS Coordinating Agency (NACA) di supa fa bomme ba le sekete le makgolo a ferabobedi le borre ba ka tshwara dikete tse pedi ba tlhokafala ngwaga le ngwaga. Rre Goitsemang o ne a supa fa ngogola ba abetse bana ditlhako di le 3 500 go ralala lefatshe leno, a kaya fa ngwaga ono dipara tsa ditlhako tse ba di abileng di le 3 724 go balelwa le bana ba sekole sa Struizendam. A re e le ba bosekisi ba ne ba solofetse fa go tshegediwa mo kgolegelong ga ga Zulu ka lobaka go tlaa mo aga, mme jaanong seemo se tsweletse ka go bifela pele ka jaana a sena boitshoko. A re fa e sale ka 2012 letsatsi la go nna jaana le tshwarwa go le Labone kgwedi ya Moranang e tlhola gane ngwaga le ngwaga, mme gompieno ba tshwere letsatsi le ba itebagantse le letsatsi la mafatshe fatshe la ditlhaelatsano ka mabaka a phetogo ya malatsi a dikole a a amilweng ke dikgaisano tsa bobedi tsa mafatshe a Aferika tsa banana tse di tlaa tshwarwang ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bobedi. Fa a tswa la gagwe Mme Gadibotsile Seolwane a re o lebogelantlo e e segofaditsweng ka yone ka botlhe ba ba tsentseng letsogo mo kagong yantlo ba tlhotlheleditswe ke lorato lwa Modimo ka ba dirile tiro e kgolo molefatsheng le ko legodimong ka ketelelopele ya mowa o o boitshepo. A re le fa go ne go na le tlhaelo, khansele mo ngwageng wa madi wa 2016/17e kgonne go aga matlo le go a fetsa ka nako a le masome a mararo le boraro a batlhoki le kwa banni ba metse e e kgakala le ditlhabololo e bile a filwe beng ba one. Mme Sethono a re o lemogile gore bomme ke bone gape ba ba rweleng boikarabelo jo bogolo mabapi le go tshetsa ba ba ikaegileng ka bone. E rile fa a bua, ko bokopanong joo, mothusa mokwaledi mo lephateng la temo thuo, Dr John Moreki are di thuto seka dipuisanyo tse dikgwetlhilweng ke gore e ne yare puso e sena go lemoga tiragalo e e tsitsibanyang mmele e e diragaletseng ko toropong ya Francistown. A re se ba se dira ka go lemoga fa go nna le madimadi mo polokelong go sena mosola fa seemo sa botsogo se sa itumedise ka go sena ka fa motho a ka akolang madi a gagwe ka botlalo ka teng fa mmele o le ditlhabi. E ne ya re fa ba bona ba aperwe ke lehuma, ba nna le megopolo ya go simolola kgwebo e e bogadi bo gaufi, ba bo ba bona go le botoka go dira sengwe se se ka sekeng se ba lope madi ape gore ba se simolole. Barolong ba ipelela ngwao A re, go gogiwa ga metsi go tswa bokone ja lefatshe go tsweletse, mme a bolela fa ba metsi ba ngongorega ka gore batho ba nosa leruo mo metsing a setshaba e bile ba bangwe ba utswela ba bangwe metsi , selo se se dirang gore ditlhwatlhwa di ye kwa godimo.Bokhutlo Rre Bosele a re le ntswa ba itebagantse le go aga banana, mangwe a maikaelelo a bone ke go tsenya letsogo mo kgodisong ya bodiragatsi ka go ribolola ditalente mo bananeng. Er e le ntswa a ne a itse sentle gore ke mogaka mo go tsa kapei o ne a seka a reetsa dipuo tsa batho mme ka gape a ne a itse fa mmitsantsa a sa tseye thupa o ne a tswelela a bereka a sa ikgasekgasetse bahiri ba gagwe a itse gore ene o gabile go anya dithuto le botsipa jwa go tsamaisa kgwebo. Kgosi Malope o ne a tlhalosa fa maemo a ga Kgosi Bome a pele jaanong a tla a fiwa kgosana ya kgotla ya ga Taukobong, Rre Sane Kgotlaetsile. O ne gape a kopa bakgweetsi go emisa go nwa bojalwa ba bo ba kgweetsa, a tlatsa ka gore koloi le bojalwa ke disela mmapa. Go na le melao e mengwe gape ya bo-money laundering (go tlhatswa madi), tshwenyetso setshaba le borukutlhi jwa baiphatlakanyi (terrorism) e e dirilweng, mme ele tshwanelo gore le itse ka yone, a rialo Rre Molebatsi. Kwa Setsile ba atla mananeo Ba tlhalosa fa se se ka hema botlhokatsebe ka jaana go ka ba kgontsha go ruta bana boitshwaro jo bontle go na le fa ba kgaogana le bone ba sa le babotlana. O ne a tlatsa ka gore puso e dirile maiteko go netefatsa gore diritibatsi di phatlalatswa le lefatshe, ka maswabi go santse go na le bangwe ba ba sa nweng diritibatsi mme seo se baya matshelo a bone le bakapelo ba bone mo diphatseng. A re tlhaelo ya boroko le matlo a borutelo e sa ntse e tshwenya, bogolo jang ka gore bananyana ba pre-school ga ba na fa ba rutelwang teng, fa bangwe ba baithuti ba rutelwa mo ntlong ya mabeelo a dithoto. A re le fa diromamowa le Botswana Television di setse di lo kuetse, fela o bona go le botlhokwa go lo ba rolela semmuso. A re kgaolo e ba e okametseng e na le dikgang tse dintsi thata tsa kgokgontsho. E rile a bua mo boemong jwa basetsana Taffinah Motanzi o ne a leboga Dignity Trust Foundation go bo e bone go le maleba go ba abela dimpho.. E rile go utlweng fa lephata la bong, Gender Affairs, le thapholotse letsogo, setlhopha sa bomme ba bane le borre ba le babedi kwa Sefhare sa seka sa batla go tlolwa ke sebaka seo. O lebogetse tiro e ntle e e dirwang ke mokgatlho oo wa baoki, a tlatsa ka gore tiro ya boithaopo ke tiro e e thata, a re ba seka ba inyatsa ka se ba se dirang mme ba tshware fela ka natla. O ne a tlhalosa gape gore o itumelela thotloetso e a e bonang mo banning ga mmogo le khansele ya toropo ya Jwaneng. Rre Kwelagobe a re phenyo ya bontlhopheng ba BDP e tlaa thusa phathi eo go fenya ditlhopho gore e kgone go tswelela ka mananeo a go tlhabolola matshelo a batho. O ne a ikuela mo go boraditerekere go emisa kgang ya go phaka masimo ka e ba diela go lema. Mogolwane o tlhalosa fa lephata la thuto le tlhaelelwa ke ditsompelo, ka jalo go le botlhokwa go bona seabe sa dikhamphani ka Setswana se re setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata le gone gore bana ba motho ba kgaogana tlhogo ya tsie. A re ka ntlha ya seo, go tshwanetse ga dirwa maiteko otlhe go leka go hema gore bolwetse bo tlolele mo lefatsheng leno. Mogolwane go tswa kwa lephateng la diphologolo le makgabisa naga mo Tsabong, Rre Otlaadisa David, o ne a tlholosa fa noga eo e bidiwa ‘boomslag’, e e leng botala jwa tlhaga ka mmala, e bile ele borai thata ka go se motlhofo gore motho o ka tshela fa e mo lomile. O ne a supa fa letlhoko la ditiro le tshwenya, mme go tlhoka gore ba-na-le seabe ba tshwaragane go tswa ka maano a go tlhama mebereko. O tsweletse ka go kopa magosi go tshwaragana le barutabana go laola boitsholo jwa bana mo dikoleng, a re seo se ka tokafatsa maduo le gone go aga bana, ba ba ka tsogang ba nna baeteledipele ba ba nang le boikarabelo mo setshabeng. O tlhalositse gore, nngwe ya dikgang tse ba neng ba di tsibogela ka kgakololo ya komiti ya COVID-19, ke ya go thusa batho ba ba neng ba kaeletswe go sena dipalamo magare ga Molepolole le Gaborone go boela kwa mafelong a ba nnang kwa go one. Mme Motshidisi a re ba tshwenngwa ke banana ba bainaakantseng le dino tagi le go goga motokwane, a re maikaelelo ke go ba kgobokanya gore ba ba agele mo tumelong. E ne ya re bosheng maloko a kereke ya Galalea go tswa mo mafelong a a farologaneng a lefatshe leno ba bo ba kgobakanetse kwa Tshidilamolomo go abela bana ba le lesome le boferabobedi ba masiela le ba bangwe ba ba tlhokileng lesego mo botshelong jaaka ba ba tshelang ka bogole gammogo le bagodi dikobo, melora le dijo. E ne ya re go le pele, Mogolwane go tswa kwa NACA, Mme Gloria Rakgotla, a supa fa ditlhothomiso ka HIV/AIDS e se tse di nametsang ka jaana lefatshe leno, le le mo maemong a boraro ka selekanyo sa 18.5 per cent mo Borwa jwa Aferika. O tlhalositse fa a lemogile gape fa banana ba tshaba dikgwebo tse o akareng di tlhoka gore motho a akanye thata, e bile di gwetlha, mme ba rata tse di motlhofo tse di ratwang ke mongwe le mongwe. O tlhalositse fa lekwalo la ga Samuel wa bobedi kgaolo ya bosupa temana ya botlhano le re Ya o reye motlhanka wa me Dafite o re; a o tlaa nkagela ntlo ya go tla ke aga mo go yone. Kwa bofelong Rre Goya o ne a ntsha madi a a kanang ka P40 000 go simolodisa kago ya kereke eo. Rre Ngake o netefaditse fa ba ofisi ya ga molaodi le bogogi jwa khansele ba tlaa kopana le diofisi tse di maleba go bona gore ba dira jang ka seemo se. Mme Mpole o boletse fa a tsere lenaneo leo ngwaga wa 2014 mme le ntswa ene ele motho wa go rata go itemela mo lwapeng a itirela ka diatla seo se ile sa mo tiisa moko fa a bona thotlhoetso. Mogokgo o supile fa bana ba ba tshwenyang thata ka go ngwega mo sekoleng e le ba Bokspits, Khawa, Maralaleng le Omaweneno. O tlhalositse fa ba boloditse letsholo kwa Gaborone le Maun mme a re o solofela gore mo tsamaong ya nako ba tlaa fitlhelela mo dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno. Kgosi Segotsi o boletse mo diphuthegong tse di neng di buisiwa ke mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe, kwa dikgotlaneng tsa Dilaene, Parwe, le Mmapheretlha gore baeteledipele ba motse ba eletsa go bona mongwe le mongwe ka letsatsi leo a bo a apere kapari ya mebala e e tsamaelanang le folaga ya lefatshe la Botswana. Tona wa lephata la ditsha le matlo, Rre Prince Maele, a re e re ka mmuso o thapolotse letsogo mo go thuseng Batswana ka lenaneo la ISPAAD le LIMID go tlhabolola seemo sa temo-thuo, go mo maruding a bone go tsaya temo-thuo ele kgwebo e ka ba inolang mo lehumeng. O supile fa ba tsile go gakolola Batswana gore go kile ga bo go na le maitiiso a setapa ba lala ba bina bosigo jotlhe, mme go sena dintwa fa e se boitumelo fela. Rre Tseleng o boletse fa mananeo a banana a madirelo a borotho le ba ba rokang a tsweletse sentle e bile ba ne ba filwe madinyana gore ba ithuse kwa malwapeng. O kopile puso go akanyetsa go tlhoma ntlo nngwe ya dikgosi e e tla itebaganyang thata le boitshwaro ‘Moral Regeneration Council, a re se seka thusa fela thata mo katlegong ya maitlamo a setshaba ya tebelopele ya setshaba (V2016). Rre Tese o ne gape a supa fa sengwe le sengwe se ngwana a se dirang mo bonnyeng se gola le ene, a re ka jalo go botlhokwa go godisetsa bana mo tseleng ya tshiamo. O kgothaditse balemi go tsaya dikgakololo tsa balemisi ka dinako tsotlhe go ntsha thobo e e nametsang. Ba tlhaloseditse mo puisanong bosheng gore ba simolotse ka go boloka dinotshe mo mabokosong a mabedi mme ya re ba sena go lemoga fa Batswana ba supile ba rata tswina le mamepe, ba kgobokanya dipoelo ba tlhatlosa madirelo a bone ka go reka mabokoso a le mararo go dira a le matlhano. Kgothatso e, e a wela mo mmung o o lokgarapana ka Mme Leah Mosinyi yo o dingwaga tse di masome mararo, yo o tlholegang kwa Serowe le Rre Khumo Nsala wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabobedi wa Maitengwe ba inaakantse le kgwebo ya go roka kwa Francistown. Mme Abigail Stevenson go tswa kwa ofising ya District AIDS Coordinator (DAC) a re maikaelelo a letsatsi leo la mafatshe la segopotso sa HIVAIDS sa go tshuba dikerese ke go gakologelwa ba ba latlhegetsweng ke matshelo ka ntata ya segajaja se. Go tsibogela se, Superintendent Mogatsaseno o kopile setshaba go emisa go reka dithoto tse go belaesegang e le tsa bogodu. Kgosi George Thwane wa Artesia o tlhaloseditse bokopano joo ka molao wa lefatshe le ditsetlana tsa molao di akaretsa go thubetsa, go robalana ka losika (incest), go robala le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga, a re melawana yotllhe e botlhokwa ka e ka thusa go tsaya ditshwetso tse di maleba e seng motho a itseela molao mo diatleng mme a feletse a lebisitswe molato. Rre Lesedi o boletse fa go utlwisa botlhoko gore ebe borre ban a le seabe mo ditshokamong tse di aparetseng lefatshe leno mo bogompienong, a tlhalosa fa ele nako ya gore ba itseye motlhala ba bone fa ba duleng mo seporong teng. Le fa ntswa a sa tsena sekole e bile a sa itse go bala le go kwala, o dumela fa a kgona tiro ya gagwe ya go ranolela morafe wa Sesarwa ka botswerere. A re ba bone go le botlhokwa go siela bagodi tee le go ba fa tlhompho le go tshegetsa letshego la tebelopele ya setshaba, la tshaba e kutlwelobotlhoko. Mme Kinnear a re ga ba na mananeo a ditiro tsa sennelaruri a Ipelegeng, fa ese go kgaola ditlhare, a bile a ikuela ka dipalo tse di kwa tlase tsa badiri ba Ipelegeng. E rile kgosi Tsoebebe Duncan Segotsi wa Mahalapye a amogela baeng mo motsing wa gagwe, a lebogela bakeresete ba kereke ya Sabata go direla bagodi tiro e ntle ya go ba direla dijo tsa motshegare le go ba abela diaparo go supa lorato tlotlo mo go bone ka Setswana sere tlotla mmago le Rraago gore malatsi a gago a tle a oketsege. Fa a tlhalosa ka botlalo ka fa lenaneo le berekeng ka teng, Mme Dimpho a re morutabana o ruta fela jaaka malatsi otlhe go fitlhelela maikaelelo a thuto e a e rutang, e re morago a fe baithuti dintlha tsa botlhokwa tse di salwang morago ke dipotso tse di tshwanetseng tsa dirwa kwa lwapeng. Moletlo wa ipelelo ngwao o tsamaile sentle Fa a mokgwa kgaba, mothusa tona wa botsogo Dr Gloria Somolekae, o rile o itumelela go bo Batswana ba bona thuso ya puso, mme a supa fa letlhoko la madi ele lone le paledisang go tsweledisa ditlhabololo tsotlhe tse di tlhokegang. O tsweletse a re, nako e gorogile ya gore Batswana ba leme dijwalo tse di tla a ntshang ditlolo tsa moriri gammogo le mafura a a apayang. A re, seo, se tla fema dikgang tsa gore mo bokamosong batsadi ba bo ba re ba ne ba sa rerisiwa sepe. Kgosi Mojuta a re Batswana ba itsewe ka go ratana mme mo bogompienong go lebega seo se nyelela ka bonya, mme a tlhalosa fa se se ka dira gore go nne le letlhoo le le ka felelang le kgaoganya batho. O boletse gore setlhopha sa bone se ne sa romela leloko la bone teng kwa Aferika Borwa go ya go anywa botsipa kwa komponeng nngwe e ba dirisanyang le yone mme morago a tla go ruta ba ba neng ba setse mo gae. A re dilo tseo di tlaa ba itaya tsebe, a gatelela ka gore bana ba tshelela mo metlheng ya gompieno e e diphatsa ka bana bangwe ba tsholwa ba na le mogare wa HIV, ka seo ba ka anamisa bolwetse joo mo go ba bangwe ka go inaakanya ka tsa marato ba sale bannye. ASP. Moletlooo, o ne o tshwerwe ka fa t lase ga setlhogo se se rengBonno jwa me,lebopo larona,ke boikarabelo jwa rona. O supile gore matlwana ao le one a tlile jalo ka thuso ya baithuti ba booki go tswa kwa Serowe Institute of Health Sciences ba ba neng ba direla mo Letlhakane ka nakwana ka 2012. O ne gape a leboga tautona ka jaana a ba etetse e bile le bone bat la amogela dimpho tsa dikobo go tswa mo go ene. Ba tlhalositse fa ditshingwana tsa merogo tsa nyeletso lehuma mo digotlong di sule e bile ditlamelo dingwe tsa tsone di ise di bo di tle. O kaile fa ba lebannwe gape ke digwetlho tsa go agelela lebala la mabelo a dipitse le gone go aga matlo a boithomelo ka seo se ka ba thusa mo direng letseno la madi le le botoka ka ba felela ba sa dire madi mo kgwaraneng mo dikgaisanong tseo. Mme Maria Selelakgama yo o nang le masea a mabedi e bile a itsholofetse, ke mongwe wa bao ba reng ga ba thusiwa ka mabaka a gore mmaagwe o a phaka ntswa seemo se le maswe. Banni ba Sedie ba kopilwe go tsaya thuto ya bana ba bone tsia ka thuto e e ka tlhabolola botshelo jwa motho. Dipolasi di itsa metse go gola O ba rotloeditse go eteletsa dikeletso tsa morafe kwa pele go na le tsa batho ka bongwe ka bongwe. A re mokgwa oo o o ila lebaibai. Ba sepodisi sa Botswana mo dikgaolong tsa Shoshong, Mahalapye, Machaneng, Martins-drift le Dibete ba tsweletse ka go ipaakanyetsa malatsi a boitapoloso a ngwaga o mosha ka go dira dikganedi mo ditseleng. O ne a supa fa seemo se se ngomola pelo segolo jang morago ga go tswalwa ga moepo wa kopore wa toropo ya Selebi Phikwe, ka jalo a supa fa go itirela kgwebo e le yone fela tsela e e botoka go ithusa ga mmogo le gone go tsholetsa itsholelo ya lefatshe la Botswana. Rre Phia o ne a bua gore, banana ba motse wa Kumakwane ga ba dirise mananeo ka fa go kgotsofatsang ka teng ka jaana bontsi ja bone ba sa a tsaya. A re, lefatshe leno le sego go bo le nale Tautona yo o lemogang fa Modimo e le one botshabelo fa mabaka a botshelo a le thata, a tlatsa ka gore mokgosi o o neng wa tlhajwa ke tautona ke sesupo sa moeteledipele yo o nang le tebelopele e bile a goga setshaba sa gagwe ka botlhale. Tona a re e re ka lephata la gagwe le apesitswe ke dikgang tsa tiego ya go abiwa ga lefatshe le tlhaelo ya lone,ke sone se a laetseng badiri ba makgotlana a kabo ditsha go simolola go theogela ka nako ya dijo tsa motshegare le go gapa ditsha tse di fetogileng matlotla. Tshetlho ke semela se se nang le matlhare a matala mme gantsi e tswa fa pula e nele mme e tsaya lobaka go nyelela. Godimo ga moo, Rre Marcelino o gateletse fa go le botlhokwa gore batsadi ba tlhaloganye bana ba bone botoka le go itse gore ba kae, ba tshameka kgotsa ba tsalana le bana ba fe, ka gore bana ba kgona go raelwa ke ba bangwe go dira tse di duleng mo tseleng. O tlhalositse gore ba ne ba lemoga gore banni ba kgotla e ba dirisa sekgwa mme seemo seo se ka baya matshelo a bone mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse le gone go kgotlela tikologo. Rre Chepete o ne a tlhalosa fa ba lolwapa lwa gagwe segolo jang mohumagadi, Mme Kabelo Chepete, ba mo eme nokeng thata mo kgwebong. E ntse e le mo loetong lwa ga mopalamente, banni na Kutuku ba itumeletse go lekodisiwa ka tsa palamente le ditshwetso tsotlhe tse di tserweng. Borre ba kopiwa go tsibogela botsogo Mme Kgotlaetsile a re morago ga go fiwa lenaneo, o ne a tia moko go bo e le ene mong le moeteledipele wa kgwebo eo. Mme Rakgotla o ne a gwetlha setshaba go tsaa mananeo ka tlhwaafalo, kemiso ya marato a magokanyane, tiriso botlhaswa ya nnotagi le yone kemiso ya tlhakanelo dikobo ya bana ba ba botlana le batho ba batona e le methale mengwe e e ka thusang lefatshe go fitlhelela maitlamo a beilweng ke lekgotla la ditshaba la go fedisa bolwetsi jwa HIV/AIDS ka ngwaga wa 2030. A re se se kgobang marapo ke go re go santse go na le bana ba sekole ba ba kgonang go tlhola mo mebileng ka nako ya sekole. Mo go tse dingwe, o ne a supa fa ba ba ikemetseng ka nosi, ba go tlhwaelesegileng ka leina la mekoko, dipalo tsa bone di le kwa godimo fela thata. Komiti e e okametseng kago ya leobo la kgotla kwa Mmadinare e kopilwe banni ba motse oo go e ema nokeng gore e kgone maitlamo a go aga leobo. O tlhalositse fa e ne e rile pele, batsadi ba bo ba ne ba sa begele mapodise le magosi fa bana ba bone ba dira botlhoka tsebe ka go ne go lemosega fa bane ba na le letshogo le le ntsi mo baneng ba bone. Tona o boletse fa Botswana e tlhokana le 60 million litres ya mashi mme Batswana ba ntsha 3 million fela mo go sa lekanang. O ne a kopa balemi go ipaakanyetsa temo ya ngwaga ono ka ba tepo loapi ba setse ba boletse fa ngwaga ono e tlaa nna o monamagadi. A re tiro ya go nna jalo e ba busetsa kwa morago ka go lekanyetsa dithoto tse a ka di isang kwa marekisetsong. O ne a rotloetsa banni ba metse go seke ba leba bana ba bone kana bodiredi bo direla ba ba tlhokileng fela mme le bone ba tshwanelwa ke go ipopa ditlhopha mme ba thuse ba ba tshelang le bone mo motseng. O ne gape a tlhalosetsa batsadi gore baithuti ba ba sa tswang go fetsa lokwalo lwa bosupa ba tla seke ba fetele kwa sekoleng se segolwane fa ba tsere maemo a D, mme ka jalo ba tla fiwa sebaka go boelela lokwalo leo gape go netefatsa gore ba dira sentle. O boletse fa mokgwa o wa go mpampetsa ele one o latlhang bana o bo o dira gore ba gole ba sena boikarabelo. Kgaolo eo ya botlhophi e na le mafelo a botlhophelo a le masome a mabedi le bongwe (21) fa ba batlhophi b aba ikwadisitseng ba le 10 233. Fa a bua mo tirong eo, mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, o supile fa seabe sa kereke se le botlhokwa thata mo lefatsheng leno, ka jalo go lebosega go bona bomme ba kereke ba inaakantse le go diragatsa mowa wa kutlwelobotlhoko. A re bomme ka e le bone ba tshabelelwang segolo bogolo ke go aparwa ke manokonoko a lehuma, ba tshwanetse ba ema ka dinao ba supa fa le bone ba na le thata le bokgoni go ka fetola matshelo a bone le go direla malwapa a bone khumo. Mme Jansen o boletse fa a ne a oketsa ka go lema merogo, selo se a supileng fa se ne sa mo tlodisa melatswana. Ba ne gape ba tlhalosa fa e le boitumelo fela mo dipelong tsa bone ka jaana ka akola mananeo a puso sentle e bile go na le maungo a a nametsang. Kgosi a re bone e le ba bogosi ga ba senke dikgang tsa bonyatsi. Bobedi jo bo tlhalositse mo potsolotsong gore kgwebo e, ba e simolotse ka 2010 morago ga go tsamaya le dikhamphani tse di rokang go batla tiro le mororo ba ne ba sena kitso le lesedi lepe la go roka. Banka ya Barclays kwa Palapye e abetse bana ba sekole se sebotlana sa Ratsie paka ya sekole ya mariga, e e ba lopileng P13 500. Ba dumelane mo phuthegong eo gore motsadi mongwe le mongwe, segolo jang bomme, ba simolole go ela bana ba bone ba basetsana tlhoko fa ba le mo seemong sa boimana. A re tiro ya go betla ga e dirwe ke mongwe le mongwe ka motho yo o betlang a tshwanetse a betle se se elediwang ke batho e bile se lebega. O tlhalositse fa ba tshwenngwa ke kgang e mo go yone batlhophi ba ikwadisang gantsi fa ba latlhile dikarata tsa bone, a fa sekai ka mongwe kwa kgaolong ya botlhaba ka 2009, yo a tlhalositseng fa a ne a ikwadisitse mo mafelong a a farologaneng a le lesome le botlhano. Ka jaana lerato lwa gagwe le ne le phophoma mo thokong ya matlalo, ka lesego ba khansele -potlana ya Hukuntsi ba ne ba mo romela kwa sekoleng, go ya go ithuta go suga matlalo. A re mokgatlho oo, o tlhamilwe ka go lemoga fa khumanego e sa reye gore motho ga a kgone go ikakanyetsa, ka jalo go le botlhokwa gore le fa motho a ka aparwa ke lehuma le le bokete go le kae a tle ka methale e e ka mo kgontshang go fetola seemo sa botshelo jwa gagwe. E rile a tswa la gagwe, mogolwane mo lephateng la thuto mo kgaolong potlana ya Letlhakeng Rre Mokwadi Tese a supa fa thuto e tlhoka motsadi, ngwana le morutabana. E rile a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Medie, mothusa tona a re gore mo nakong eno, lenaneo la nyeletso lehuma le be le santse le le mo thulaganyong ya go thusa batho ba babedi kwa motseng wa Medie go tshwenya ka jaana go kgoreletsa maiteko a puso a go tlhabolola matshelo a Batswana. Mokwaledi wa khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau Rre Gofaone Kgabanyane, a re komiti e e lebanyeng ga e ise e ba lekodise se, ka jalo ba ne ba ne ba sena kitso ka go salela morago ga tshekatsheko ya malapa mangwe ba masimo a Mahatlhe. O ne a iteela legofi tirisanyo mmogo e, e a tlhalositseng fa e tlaa thusa go nolofatsa go ithuta. A re mananeo a banana a YDF a tsweletse sentle, a tlhalosa gore le le lengwe ke lone le le phutlhameng. Mme Sesi Makgolwane yo o neng a abelwa ntlo o ne a supa boitumelo jo bogolo. A re mpho e, ke tsela nngwe ya go tla go bona matlhoko a baithuti le sekole gore mo isagong ba ka ba thusa jaang. A re bogodu jwa leruo le dithoto bo gola tsatsi le letsatsi ka jalo a kopa banni go bega borukhutlhi bope jo ba bo bonang. A re borre ba tshwanetse go rola dihutshe, ba phutholole mabogo, ba eme felo go le gongwe go fitlhelela e fela. Kgosi Monyemana a re magosi le bone ba seka ba ipona tsapa go etela dikole tse di mo metseng ya bone go lekola bodiredi le baithuti a re seo se ka kgothatsa barutabana le bana ba sekole go dira ka natla. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya thuto le botsogo mo khanseleng-potlana ya Mahalapye, mokhanselara Nametso Koma o ne a gatelela botlhokwa jwa go ruta setshaba ka ditlamelo tsa ba-na-le bogole. A re go botlhokwa gore banana ba ikgaphe mo ditirong tsa bosinyi di tshwana le go itontela nnotagi ka jaana di na le seabe se segolo mo go ba senyetseng bokamoso. A re go direng jalo ba tlaa bo ba kgona go lemoga dikgomo tse di sa tsweng matlhabelong mme ba tseele badiramolato dikgato. Kgosi Motshwane a re o ikuetse kwa molaoding ga mmogo le tona ya tsa pereko le selegae gore ba tle go tshwaraganela kgang e mmogo. Rre Lorato are bogodu jwa dikoloi le jone bo wetse tla fela mo go kgotsfatsang a supa fa ba ise ba itemogele go thubiwa ga dikoloi ka go utswiwa ga tsone. A re metsi ke tshwanelo ya motho mme fa a seyo go nna le mathata a a seng kana ka sepe ka gore metsi ke botshelo. E ne ya re ka Labone Phukwi 29, komiti ya ipaakanyetso letsatsi la ga Tautona ba tshwaragane le ba Lady Khama Charitable Trust ba supa setshwantsho sa motshikhinyego ka botshelo jwa tautona wa pele, Sir Seretse Khama le mohumagadi wa gagwe, Ruth Khama kwa kgotleng kgolo ya ga MmaNgwato. Mme Gare a re dingwe tsa dikgwetlho tse a kopanang le tsone ke go bona matlhare a mokolwane. Rre Mochanang o tlhalositse fa Mmathubudukwane a setse a na le ditiro tsa nyeletso lehuma di le 80, mme go bereka tse 73 fa di le supa di phutlhame. Thoromo e e amileng Orkney kwa Aferika Borwa, e akanyediwa go nna ya bokete jwa 5.3 mo sekaleng sa RICHTER e gatisitswe ke mafelo a feta boraro eleng Magotlhwane mo Botswana, Aferika Borwa, Zimbabwe le Zambia. Mopalamente wa Gaborone Borwa, Rre Kagiso Molatlhegi a re o tshwentswe thata ke maduo a dikole aa sa nametseng. Mokhanselara wa Tutume Bophirima, Rre Ishmael Mokgethi o supile fa a sa amogele mogopolo wa go godisa kgaolo eo, a re o kopa gore bogolo ba ka bo ba ne ba tsholetsa Tutume go nna kgaolo pele fa ba akanya go dira Nata kgaolo-potlana. O tsweletse a supa fa e sale rraagwe a mo rolela marapo, a ne a itoma molomo wa tlase go ntsha maduo gore a seka a swabisa ene rraagwe yo a mo kwata bololetseng botsipa. A re maikaelelo a go nna setshaba se se senang mogare a ka atlega fa rotlhe re ka tshwaraganela ntwa kgatlhanong le mogare wa HIV. A re jaanong ithutuntsho eo, e file banana maitemogelo a go re fa ba simolola go tsena mo kgwebong, e ka tswa e le ya mofuta ofe fela, banne le ditsholofelo dife. O kopile gore go okediwe dikago tsa puso di akaretsa diofisi, matlo a boroko a bodiredi ga mmogo le matlwana a boitiketso kwa sekolong se se botlana. Rre Kadibadiba a re dikereke ga di tsene diphuthego tsa kgotla, a re tshwaragano ya dikereke ke yone fela e ka dirang gore ba fenye dikgwetlho. A re le fa e le yone puo tota ya Setswana bana ga ba e itse, ka gore go ganeletswe mo dilong tsa dingwao di sele. Rre Motshegwa o tlhalositse fa maikaelelo a morafe e le go neela puso diofisi dingwe tse di tlaa agwang le leobo leo go thusa puso mo go tlhabololeng motse. E rile a lebogela dimpho tseo,Moeteledipele wa mokgatlho oo, Rre Gomotsegang Ganetsang a tlhalosa fa kompone eo e dira go tlala ka diatla,ka e rile bosheng ya ba fa malao a mangwe a le masome a mabedi gape.A re kompone eo gape e ba tlisetsa metsi gararo mo bekeng gone ko motseng oo gore a kgone go apeela bana ba ba ka tshwarang masome a marataro ka palo.O ne a lebogela dimpho tseo, a supa gore o di kgobokanyetsa golo go le gongwe mme di tlaa tsena mo tirisong ba sena go nna le kago ko setsheng sa mokgatlho oo. Ngwana sejo o a tlhakanelwa Mookamedi wa baoki mo sepateleng seo Mme Selina Sethibang le ene o ne a lebogela dimpho tseo a kaya fa di tlaa tlisa pharologanyo le monyenyo mo balwetsing. Kgosi a re mo motse wa gagwe o okametse morafe o o dirwang ke merafe e ka nna metlhano e bong, Baherero, Makhalate, Barolong, Bakgalagadi le Bakgothu, mme ka dingwao tsa bone bogadi jo bo ntshediwang bana ga bo na katlholo, go tswa fela ka go itela ga yo o ntshang bogadi mme o fitlhele a ntshitse se a nang naso. Fa a supa dipalo tsa borukutlhi le dikotsi tsa kgaolo eo mogolwane wa Sepodise wa kgaolo ya Good Hope - Mabule Rre Tshegofatso Mokumakwa o ne a supa matshwenyego a dipalo tsa borukutlhi le dikotsi tse di diragalang thata mo motseng wa Pitsane. A re bangwe ba batho ba ba neng ba senyeditswe ke pula ba ne ba fiwa boroko ke baagisanyi, fa bangwe bone ba ne ba ithaopa go rulela matlo a a neng a tserwe ke phefo. Tona wa boagedi, mesepele le merero ya bong, Rre Edwin Batshu a re go emisa kana go tla ka tharabololo ya go nyeletsa mokgwa wa go nna mmogo batho ba sa nyalana ka fa molaong, go tlaa thusa go rarabolola mathata le dikgang tse di ntseng di kgoreletsa thokgamo mo malwapeng. Mme Ntoba le ene a re ntswa a itemogela dikgwetlho di le mmalwa tebang le go ithuta go bala le go kwala o setse a godile, se ga se na go mo kgoba marapo go diragatsa toro ya gagwe ya go bona lesedi la thuto. Fa o bona ngwana a tla a rwele dilo tse o sa di itseng, latisisa go bona gore ngwana o di tsaya kae. A re ke gone mo ba dirileng gore mongwe le mongwe a nne le seabe jaaka baopedi ba dikhwaere; dibini ba mmino wa setso; badiragatsi ba diletswa tsa setso, le batshameki ba kgwele ya dinao. Superintendent Badisang o buile mafoko a morago ga gore monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo wa kgotla ya Madiba a bolae mosadi wa dingwaga tse di masome a mabedi le boraro mo bosigong jwa Laboraro gaufi le sekole sa Madiba Senior Secondary. Mme Gabathusi o boletse fa mme yoo, yo o neng a bona dikgobalo tse di masisi, a sedilega kwa kokelong ya Bamalete Lutheran mo Ramotswa. Rre Moseki a re go a tshwenya go bona banana ka bontsi ba kgobokanngwa ke nnotagi, selo se se ba ntshang mo tseleng mme ba tlhoke boikarabelo. 'Ditlhabololo ga di dirwe go oka batlhophi' O ne a tlhalosa gore ka lenaneo la kgopo ya metsi lele mo tsetlaneng ya ditlhabololo ya NDP10 lea rulaganyediwa ka jaana le batla madi a mantsi ka gore metse mengwe emo mantsweng jalo matlo mangwe aa go babaellwa fa lenaneo le dirwa,jalo go tlhoka madi a ditlamorago tsa teng. O ne a ba gakolola go ikokobetsa go ineela le go direla Modimo ka pelo yotlhe le lorato ka go rera lefoko la gagwe jaaka e tlaa bo e le badisa, bagogi, bagakolodi ba basha, a kaya fa poifo Modimo e le tshimologo ya botlhale. Ba kgothadiwa go lebogela Modimo malatsi a botshelo Ka dikgang tsa bogodu jwa leruo, ba boletse gore ditsheko tsa teng di sekelwe mo makgotleng a Setswana e seng a bommakaseterata. A re motse oo, o setse o sena kgosi morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Mogakolodi Mpaesele ka 2014. Fa a bua mo puisanong bosheng, mogolwane wa tlhokomelo ntlo ya ditso ya Kgosi Sechele I, Rre Power Kawina o tlhalositse gore le fa seabe sa Bakwena mo go somareleng ngwao le ditso tsa bone e le sa maemo a a kwa godimo mme gone ba saletse morago golo gongwe. Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Rre Moncho a ne a tshwelwa lerole ke motsamaisi wa dingwe tsa dikgang tseo Inspector Future Mojadife ka go supa metseletsele ya go tlosolosiwa ga dikgang tseo, di ama basekisiwa le babueledi ba bone. Mopalamente Seretse, yo e bileng e le tona wa lephata la peeletso, papadi le madirelo, o buile jaana ka Labobedi fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa Mahetlwe. A re o akgola puso go menagane ka gore mananeo a nyeletso lehuma a fetotse botshelo jwa gagwe le ba lelwapa la gagwe ka ponyo ya leitlho. Rre Butale a re le fa go ntse jalo maduo a baithuti ba mophato wa botlhano ga a jese diwelang, ka jalo a supa fa tshwaragano ga reng ga batsadi le barutabana e le yone e e ka tsisang tharabololo gore maduo e nne a a nametsang. A re go lema ka pula ya ntlha go thusa gore molemi a seka a iphitlhela a amilwe ke seemo se se ka tlhagogang sa komelelo fa temo e ntse e tsweletse, mme ebile a kaya fa mogote o o ka tshubang dijwalo o se montsi thata ka nako ya pula ya ntlha. Mokgatlho oo wa Kagisano Society Women’ Shelter, o tlhamilwe ka maikaelelo a go lwantsha kgokgontsho, go sidila maikutlo ga mmogo le gone go thusa bao ba ba sa kgoneng go ikuela tebang le tsa kgokgontsho go hupuloga, go kopa dithuso nako e sale teng. A re go bulwa ga ntlo ya pelegi kwa kokelwaneng ya Sesame ke maiteko a matona thata ka batho ga ba latele ditlamelo kgakala. Rre Mohube a re ba lebanwe ke dikgwetlho di akaretsa tlhaelo ya dipalamo, go sa tleng sekoleng sentle ga baithuti le maduo a a bokoa segolo jang kwa dikoleng tse di kgakala le ditlamelo. Kgosi Motshwane o tlhalositse fa se se ngomolang pelo le go feta ele ba ba tlhokanang le go tsenelela lenaneo la PMTCT ka bone ba sa bone dithuso gotlhelele. Bagwebi ba kgothadiwa go tia moko Rre Satomana a re ba mo tseleng ya go ya go ikuela kwa mapodising le ba matlhoko a leruo gore bogolo dikgomo tse di isiwe kwa matimeleng ka gore bone ke bagodi e bile dikgomo tse di lebelo fela thata ka jalo ba ka se kgone go di tshwara. Ba re ga ba eletse go ipona e le bakopi . A kaya fa molao o letla gore se ka dirwa ke Motswana mongwe le mongwe yo o dingwaga tse di lesome le boherabobedi go ya kwa godimo Rre Magowe o ne a gakolola bakgweetsi le setshaba ka kakaretso go ikopanya le go itsise ba ofisi ya bone ka nako ya fa ba fapaanya dikoloi go itsa diketsaetsego tse di ka kgonang go nna teng magareng ga bone a go tlhoka go tshwana ga di nommore tsa di engine fa ba kgethela dikoloi tsa bone. Rre Joseph Kgokgothwane o ne a re ke lesego le le gaisang fa Batswana ba tlhophelwa maemo a a tshwanang ao ka a ka baya lefatshe leno mo seemong se se kwa godimo le go tlotlomatsa serodumo sa Batswana. Tona Madigele, yo gape e leng Mopalamente wa Mmathethe/Molapowabojang, o rotse dimpho tseo mo phuthegong ya tekodiso ka dipaakanyo tsa tiro eo ka Labobedi. Ka 2014 sekole se ne se dirile 69 per cent, ka 2015 sa gatisa 53 per cent, fa ka 2016 se ne se dirile 76 per cent, ka 2017 sa dira 70 per cent, mme ngogola sa tsholetsega go dira 81.3 per cent. Dr Venson-Moitoi o ne a tsibogela matshwenyego a bangwe ba banni ba motse wa Mokgware, ba ba neng ba re molao wa ditshwanelo tsa bana ke one o dirang gore ba palelwe ke go laola bana. O ne a re dikgaisano tse ba di dirang ga ba tsee madi fela mme ba busetsa batho ka go atswa ba ba fentseng. Mme Modibedi a re fa e le gore go na le dirwe dingwe tse di setseng di koafaditswe ke kankere, molwetse o fetisediwa kwa a tlaa yang go bona kalafi ya kankere e e ka nnang tiriso ya marang a a phunyeletsang, tiriso ya dikhemikhale kana loaro. A re mebereko ga e tlhamiwe ke puso e le nosi, se puso e ka se dirang ke gore ditsetlana dingwe tse di kgoreletsang babeeletsi di tokafadiwe. O ne a ba gakolola go nna le dibuka tse di tlaa supang motlhala wa dikgwebo tsa bone gore ba itse fa ba bona dipoelo, go kgona go di ntsha e le sesupo fa ba setse ba kopa dithuso tsa madi mo dipolokelong le gone go itse paka e kgwebo e dirang sente le e e sa direng sentle. O tlhalositse gape gore barutabana ba tshwanetse go lemoga dikai tsa tiriso ya bojalwa le diritibatsi mme ba tseye kgato e e maleba mme fa go tlhokegang teng a kope thuso. Ke ka rata go kopa batho ba Shorobe gore ba ikemele ka dinao ba dirise ditalente tsa bone gore ba itshetse, re mo nageng e e humileng, mme ke rona fela re ka ikhumisang ka go dirisa lehumo la naga ga latlhela Mme Gare. Mme Jorosi a re ba simolotse tiro e ya bone kwa Masunga mme keletso ya bone ke go thusa bagodi ba Francistown ka dikgotla tsa bone. Rre Ketlhoilwe a re mafatshe ka bontsi a eletsa lefatshe leno e bile a eletsa se lefatshe leno le leng sone. A re baruti ba tsaya nako e telele ba kgala dikereke tse dingwe, ntswa tiro ya baruti e kgolo e le go rera lefoko la Modimo e seng go supana ka menwana. O ne gape a lekodisa setshaba ka ditlhabololo tse dingwe mo kgaolong ya Kweneng jaaka go agiwa ga ofisi ya setima molelo le ntlo lehalahala ya go tsisa ditlamelo kwa bathomg tse di kwa Molepolole. Mme Masisi o lela ka dintsho tsa HIV/AIDS O boletse fa masimo ka bontsi a medile ditlhare mme beng ba one ba ntse fela. A re lenaneo le, le dirile pharologanyo e ntsi mo botshelong jwa gagwe,ebile ke ene a tshetsang ba lelwapa la gagwe, mme a rotloetsa balekane ba gagwe go tlhabolola matshelo a bone boemong jwa go ganelela mo lenaneong la Ipelegeng le le diretsweng go thusa batho ba ba seng mo meberekong go bona se ba ka itshetsang ka sone. Rre Monyena o ne gape a gakolola boraditerekere go lemela balemi ba ba gaufi le bone go itsa ditshenyegelo tsa leokwane. O ne a kaya fa dikoloi tsa puso di senyega ka pele ga lobaka lo lo di beetsweng fa di tshwantshwangwa le tsa beng mme a kopa bakgweetsi go di ela tlhoko le go di tlhokomela sentle ka e le tsone tse ba itshetsang ka tsone. Ba re botlhe ba malwapa a bone a ka tswang a amegile, mme ba sa atswiwa ka sepe, ba ikgolaganye le bone mo megaleng ya 76260215 kana 71693030 gore ba neelwe tshwanelo ya bone. O boletse fa temo e tsisitse pharologanyo e ntsi mo botshelong jwa gagwe ka a kgona go rekisa thobo ya gagwe kwa go ba Botswana Agricultural Marketing Board. O ne a leboga lephata la botsogo kwa Selebi Phikwe ka ke lengwe la a dirang bontle thata mo go neeleng setshaba thuso mo go tsa kalafi. Rre Kebareeditse Ntsogotlho o ne anisetsa mogopolo pula a re o montle thata e bile o ka nowa moro. E rile a bua ka moono wa letsatsi, mogolwane wa baoki, Mme Dintelo Moetse a tlhalosa fa mo letsatsing le gantsi ba dira moletlo wa go itumedisa balwetse, mme gompieno ba ile ba bona go le maleba go direla bagodi. A re o na le letlhoko la didirisiwa di tshwana le dibala makgolo ka mo nakong ya gompieno o dira ka tse tharo fela, mme go itshupile fa di sa lekana. Rre Molatlhegi o ne a kopa megolopo mo dikganyeng tse di amang lephata la tsa boagedi, mesepele le bong, a supa fa go tlaa sekasekwa molao kakanyetsa oo letlelelang, kgotsa o tokafatsa go re go nne motlhofo go re bagwebi ba ka fiwa boagedi jwa sennela ruri fa ba tlhama dikgwebo le go beeletsa mo Botswana. Fa a tswa la gagwe, mogokgo wa sekole se segolwane sa Sedie, Mme Senatla Mokobela o ne a iteela mafoko ao moroko, a kaya fa go tlhoka go tlhokomelwa ga dithoto tsa sekole, bogolo jang dibuka, go tshwenya mo dikoleng ka bontsi. A supa fa e se lantlha ba dira tiro ya go tshwana le eo, mme ba nna ba thusa fa ba lemogang botlhoki teng, e bile ba setse ba kile ba thusa boora Balo ka dijo. A re ba ne ba utlwalela ka botshelo ba boora Makgolwane ka mongwe wa banana ba Lerala mme ba seka ba eletse go utlwa se gape. O tsweletse a re mogolowe o simolotse go bereka kwa South Africa ka ngwaga wa 1939 e le moroki a rokela kompone ya Woolworths go fitlhelela a fudugela mo gae a tla go nna kgosi ka ngwaga wa 1973 go fitlhelela ka ngwaga wa 2008 a tlogela ka ntlha ya bogodi. Mogokgo wa Boikhutso Mme Maria Nkganga o lebogetse mpho eo, a re e tlaa thusa ka bana ba sekole ba tshabelelwa ke go lofa ka malatsi a ba tsenang mo setswalong ka one, ka mabaka a go tlhoka mesangwana. Fa a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Maitengwe, Rre Batshu o ne a re nako kgolo ke yone e ka ngwaga wa 2016 o tsisa ipelo ka lefatshe la Botswana le tlaa bo le ikgalaletsa go bo le gogile mo dingwageng tse di masome a matlhano le ntse le tsere puso. Molaetsa wa ga Tautona o ne wa balwa ke mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Bobirwa Mme Ndindoga Makhwage o o neng o gwetlha Botswana ka karetso go leboga Modimo ka boitumelo jo bo renang mo lefatsheng la Botswana le go tswelela ka mowa wa bone wa lorato go baakanyetsa dikokomane tse di tlang. Jaanong go mo go rona go bona gore re a tshwaragana, re dire ntebele ke go lebele, re seka sa tsamaya masigo re le nosi, re gwetlhege go bona gore re a itsane re le baagisanyi, a rialo Rre Busang. Ba bosekisi ga ba na mabaka ape a a nonofileng go ka kgoreletsa go emela tsheko kwa ntle ga ga Zulu, ka jaana dikgang tse di teng di tshwanelwa ke go tshololwa ka jaana di le loleya go ka bewa lekgotla pele, ntle le go ikgatholosa tsamaiso ya molao ka go di rola e le dikgang tse disha go na le go di tsosolosa, ga thalosa Agente Moncho. Molaodi wa kgaolo-potlana ya Tutume, Rre Michael Chilimba a re mananeo a a neng a tshwanetse go dirwa ka ditogamaano tsa ditlhabololo tsa bosupa (DDP7) a ne a seegelwa fa thoko ka lefatshe le ne la welwa ke seru sa kwelo tlase ya itsholelo e e neng ya ama ditlhabololo. Rre Ditsele are kgwetlho e tona e e ba lebaneng mo kgwebong ya bone ke gore ba ikaegile ka noka ya Mahalapye go ba fa metsi a nosetso ka jalo fa noka e kgala, temo le yone e a kgaupetsega. A re gape ba dirile matshwao mo motseng a ‘Se gase gase matlakala’, e le go supa fa banni ba tshwanetse go latlhela matlakala kwa go tswanetseng teng. Ofisi ya ga Tautona, Rre Molale a re e itlamile go tswelela e dira tiro e, ya go ipha nako ya go thusa setshaba ka fa go tlhokafalang ka teng. O tlhalositse gore merapelo e, ga se ya babereki ba khansele fela, le setshaba se ba se thusang ba a tle ba se laletse mme ba lemogile fa seo se tsala tirisano mmogo fagare ga bodirela puso le setshaba. Ene e rile pele a amogela baeng, Kgosi ya Gweta, Kgosi Lesupang Mapine a kopa gore go nne le tlhulaganyo ya go kwadisa ditlankana tsa bana tsa matsalo kwa dikokelong ka bana ba belegelwa koo gona le gore di dirwe kwa diofising tsa kwadiso matsalo, dintsho le manyalo jaaka e le tlwaelo. Ba Robelela le Tshokwe ba lela ka bogodu jwa leruo A re lekgotla la twantsho borukutlhi la motse oo le dirwa ke banna le basadi ba ba itlamileng go sireletsa motse wa bone mo borukutlhing mme o boletse fa maloko a, a dira tiro ka go tshwana go sa kgathalesege gore ke ba bong bofe. Jaanong Kgosi a re ga a itumedisiwe ke go bona bangwe batsadi ba sa eme maiteko ao nokeng ka jaana ba tsweletse ka go roma bana ditiro tsa go disa le go bapala bojang le tse di ngwe tse phelelong di kgaupetsang dithuto tsa bana. Mo puisanong le Go rata kapei mo ga gagwe, go ne ga gwetlha mmaagwe le bommangwaneagwe go mo fapaanela ba mo tlhatlhelela ka dithuto tse di tseneletseng tsa kapei. Rre Kenabatho a re se se botlhokwa segolo bogolo ke go rotloetsa mowa wa boipelego ka gore tshingwana e tlaa rotloetsa morafe go itirela mananeo a itshetso le tlhabololo matshelo. Yo mongwe yo o akotseng lenaneo leno, Mme Thapelo Nfila a re se se mo itumedisang ka lone ke gore madi a kadimo o a duela a wetse dibete e bile o duela madi a a santsheng mokola. Go le pele fa ntsha la gagwe modulasetilo wa paakanyetso moletlo oo Rre Dennies Mereyabone o ne a supa fa ba ne ba simololela fela mo legoeleleng, A kaya fa ba ne ba kgona go kokoanya madi aa kanang ka P17 000.00 a ba neng ba thusiwa ke batsadi ba motse oo le beng ba madirelo aa ikemetseng le ba bangwe aa e leng one a ba kgontshitseng gore letsatsi leo le atlege. Go botlhokwa thata go godisetsa ngwana mo tseleng ya tshiamo ka go thusa go fokotsa mewa e e maswe mo go ene e akaretsa mowa wa kgokgontsho. Mogolwane mo lephateng la dikgwa le matlotlo a tlholego kwa Letlhakeng Rre Olebile Kolojane o netefaditse fa setlhare sa sexanana se le teng kwa motseng wa Letlhakeng. A re gape Batswana ba tshwanelwa ke go sekaseka gore ba ka tlatsa ka sefe se ba ntseng ba na le sone go isa Botswana pele. Mme Itumeleng Moupanaga, yo o tlholegang kwa Thamaga ke mongwe wa ba ba inaakantseng le kgwebo ntle le thuso epe go tswa mo pusong. Kgosi Paul Motshwane o tlhalositse fa dikgang ka bontsi di seke di tswela mo mpepeneneng go fitlhelela mongwe a tla go kuela fa go nale molwetse kgotsa leso. Batsadi le barutabana kwa sekolong se segolwane sa Dithejwane kwa Molepolole ba akgoletswe go bo ba tseetse kwa godimo go ruta bana ngwao ya Setswana le go bona ka matlho. E rile a tswa la gagwe, Rre Nkgowe a tlhalositse fa a le motlotlo go bona a kgonne go tlhamela Batswana ditiro mo nakong e letlhoko la ditiro le ileng magoletsa mo lefatsheng leno. Dibui ka go farologana di tlhalositse fa Kgosi Jackalas e ne e le moeteledipele yo o senatla, a le lerato e bile a na le mowa wa boitshwarelo. O ne gape a re go botlhokwa gore batsadi le PTA ba tswe ka methale ya go itirela madi go tlhabolola sekole, le go ipaakanyetsa meletlo ya kabo dimpho, go ikagela maobo a baithuti ba iketlang mo go one, go reka didirisiwa jaaka dipheelo jalojalo, e seng gore ba bee fela mo pusong. O supile fa bajanala ba malatsi a ba sa rate go ya kwa mafelong a diphologolo fela mme ba rata le go amogana le Batswana ngwao ya bone. Go nwa phetelela go tshwenya bogogi A re gape motsadi o na le tshwanelo ya go otlhaya ngwana, mme e seng a mo golafatsa kana a mmolaya. Baeteledipele ba buile se kwa thuto puisanong kwa Serowe morago ga go lemoga fa bana bangwe ba sotlega fa ba bangwe ba setse ba inaakantse le nnotagi le botlhokatsebe ba sa le bannye. E rile bosheng a boa gape a gapa maemo a ntlha kwa letsatsing la go ipelela tikologo e e phepa kwa Jwaneng mme o tlaa ya go emela toropo eo kwa makgaolakgannyeng a dikgaisanyo tseo kwa Selebi Phikwe. Dikgang tsa petelelo di a tshwenya kwa Kanye Mabapi le magatwe a gore ga a dirisane sentle le komiti ya ditlhabololo le komiti ya badirelapuso, Mme Miranda o tlhalositse fa magatwe ao a sena boammaaruri ka jaana ba tswa kgakala ba dirisana le dikomiti tseo ka jaana ba kgona go lekodisana ka ditlhabololo. O ne a kgothatsa bomme gore ba seka ba ipona tsapa go direla kereke gammogo le go itshwarelela ka tumelo. Moithuti yo, o supile fa ka 2009 ba simolotse dithuto tsa bone tsa mophato wa ntlha kwa Seronga, mme ka 2010 ba fudusediwa kwa sekolong sa Gowa JSS go tsweledisa dithuto tsa bone tsa mophato wa bobedi le boraro, selo se a kaileng se amile dithuto tsa bone fela thata. Ditiro tse dingwe tse di mo lenaneong la 2018 di akaretsa go shafatsa borulelo jwa ntlo, go agela motlhoki ntlwana, go rekela batlhoki melora ga mmogo le go tlhatswetsa le go feelela batlhoki ba ba sa kgoneng ka ntlha ya bogodi. O supile gape fa dijo tse batho ba di jang le tsone e le ngwao, mme a tlhalosa fa go na le ngwao e e siameng le e e sa siamang. Fa a ba kgwa dikgaba mokhanselara Rre Meshack Tshenyego o ne a supa a tla isa dilelo tsa bone kwa go go ba maleba. O supile fa thuto ya bana e le mo maruding a batsadi ka ba tshwanetse go tshwaragana le barutabana go rurifatsa gore bana ba dira sentle. A re ba dule ka mogopolo wa go thwara thuto-puisanyo morago ga go nna fa fatshe ba akanya gore ba ka ritibatsa jang borukutlhi jo bo golang mo motseng mme ba ne ba lemoga gore setshaba se tlhoka thuto. Bapalami ba koloi ya Tida ba le babedi, mokgweetsi le mopalami wa mme ba ne ba ragosediwa kwa kokelong ya Palapye, mme mokgweetsi a fetisediwa kwa Nyangabgwe ka dikgobalo tse di masisi. Mothusa tona o rile ke boikarabelo jwa dikereke go gogela Batswana segolo jang banana kwa dikerekeng goya go ba ruta maitsholo a batho ba tshwanetseng go itshwara ka one le go ba sokolola ka go ba rerela lefoko la Modimo. Bomme bale masome a mane le bosupa le borre ba robabobedi ke bone ba dirang ditlhopha tse di lesome le bobedi tseo, tse dingwe di simolotseng ka go dira ka 2010. O boletse fa dikgosi di na le seabe se segolo mo morafeng ka gore ba lebeletse morafe gore o tsogile sentle, o na le dijo tse di lekaneng, a bolela fa motho a aja mohuhutso wa phatla ka temo-thuo. E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng, Mme Mpetsane yo gape e leng mokhanselara wa kgaolwana ya Matsiloje, o ne a gwetlha banni go dirisa mananeo jaaka nyeletso lehuma, LIMID, SHHA le a banana. Baoki ba Maubelo ba rutuntsha setshaba Mogolwane wa mapodisi a Maun, Assistant Superintendent Oarabile Hulela, a re ba tlhotlhomisa leso la monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le bosupa wa kgotla ya Moeti mo Maun. Go lemogeng fa seemo se se golela pele, Mme Lesole a re o ne a tsaya tshwetso ya go boloka dikgatiso di se kae tsa tsatsi lengwe le lengwe kwa ofising ya gagwe gore ope yo o ka tlhokanang le sengwe mo pampering ya setshaba a kgone go e fitlhela, a supa fa kitso e le botlhokwa. A re lenaneo le, le molemo fela thata mme sebe sa phiri ke go diega ga dituelo tsa madi a bo raditerekere. A re o eletsa gore batshwarelela bogosi lefatshe ka bophara ba ka tsaa malebela mo go se rangwanaagwe a se dirileng ka se ka tsisa thitibalo mo dikgannyeng tsa bogosi. O ne a tlhalosa gore mo motseng wa bone, Ipelegeng e thapile batho ba le masome a roba bobedi le bone . Ka jalo a re e le komiti ba tsweletse ka go dira maano a madi a go leka go teratelela lefelo leo. A re ope yo o ka tlolang tumalano e, o tlaa tseelwa dikgato tse di maleba, a tlatsa ka gore bagolwane ba maphata ba tshwanetse go ruta bana bao tiro gore fa ba seyo, Batswana ba tswelela ka go thusiwa. A re fa lefatshe leno le sena go tsaya boipuso go ne ga rena kagiso mme go na le tse dintsi tse di neng tsa diragala bogolo jang tsa katlego. A re ele ba BCP ba aga areka e ka yone ba ka tsisang ditlhabololo mo kgaolong ya Bobirwa ka bophara jaaka go na le kgwetlho e tona ya metsi le go tlhomamisa gore ba nwa metsi a letamo la Thune. Puso e leboga batlamedi ba bana A re mapodisi ga a bone boroko ka ntata ya dipego tsa dikiteo tsa baratani. One gape a ba kgothatsa go dirisana mmogo ,le go neela a re mmereki mongwele mongwe otswanetse a a bona mekwalo ya lephata go ba kgone go itse tse di ba amang . O ne a tlhalosa fa a ya go tlhoka leina le le lengwe le a ka le tsayang go ya go rurifadiwa morago ga ditshekatsheko tse di tlaa dirwang ke ba lephata la gagwe. O tsweletse a itsise banni fa mo ngwageng ono wa madi, go sena ditiro dipe tse di sha tsa ditlhabololo tse di tlaa dirwang ka fa tlase ga lenaneo la Ipelegeng ka go sa nste go na le bothata jwa thaelo ya madi, a re go tlaa itebaganngwa fela le ditiro tsa go kgaola tlhaga le ditlhare, go phepafatsa le go baakanya dikago tse di tlhokanang le go baakanngwa. Mme Botlogetswe Mabochwe o ile a kopa gore ditlamelo tsa botsogo di tshwana le go sidilwa mmele le tse dingwe tse di latelwang kwa dikokelong tse ditona e nnne dingwe tsa ditlamelo tse di tsisiwang kwa bathong. Maduo a sekole ga a amane le lefelo O ne a rotloetsa bagwebi ba babotlana ba motse oo go ema ka dinao ba itirela go tokafatsa matshelo a bone, ka go rekisa le go bapatsa dithoto tsa bone mo setshabeng se se phuthaganetseng kwa motseng oo. Mme Situwe Sethuro wa kgotla ya Boseja mo Maun o tshela jone botshelo jwa phokoje go tshela yo o dithetsenyana ka a oba letsogo ka go rekisa ditlhare tse di farologanyeng mo lwapeng la gagwe. A re kokelwana e tlhoka ntlwana ya pelegelo a tlatsa ka go re ga gona matlo a badirelapuso. A re mokgatlho o o tsile go lwa le diemo tsa mofuta o. Balemi ba Shakwe ba kopiwa go busa peo O ne a tshwaela tiro ele nngwe ea setseng a kgonne goe dira ya go buwa le ba lephata la botsogo go thusa sepatela sa Scottish Livingstone ka dikobo, materase le di shiti, se mme go tlhalositswe fa se lopa madi aa kana ka didikadike tsa dipula dile tharo. O ne a amogela mpho e, e e rotloeditsweng ke setlhopha sa mmino sa Culture Spears le banka ya First National mo Botswana (FNBB). Ba tswelela ka gore fa go le dipula le diphefo ba tlamega go tlosolosa diphuthego ka ntlha ya go tlhoka fa ba ka tshabelang dipula le diphefo teng. Kgosi Koitsiwe o supile fa gangwe le gape go na le go gogagoganela ngwana, kgotsa mongwe wa batsadi a seke a dire matsapa ape go ka thuso ka ditlamelo tse di ka godisang ngwana, a ipata ka go re fa a kgaogane le mokapelo ga go botlhokwa gore o ka ntsha sepe se se ka thusang. Dingwe tsa dikgang tse a buileng ka tsone ke gore puso e tlaa rerisa Batswana ka go loga maano a gore go tokafadiwe mabaka a gore babeeletsi ba kgone go tlhama mebereko, a bolela fa ba le bantsi ba meletsa Botswana mathe. Go dira jalo go a nthusa ka gore ga go kgonege gore ke tswe ke sa roba sepe, a tlhalosa jalo. Mookamedi wa CEDA a re keletso ya gagwe ke go bona sekole seo se tlhabologa e seng fela mo dikagong mme le mo maduong. Tona wa Merero ya Puso-selegae le Tlhabololo Dikgaolo, Rre Eric Molale o ntshitse taelo ya go tshwara ditlhopho mo kgaolwaneng ya botlhophi ya Shoshong. Fa mong wa bogosi a santse a le mo thomong ya puso kgotsa nngwe fela, ke ene a ka romang bo rangwanaagwe gore ba mo tshwarelele, a supa. A re go tlhoka gore madi otlhe a tsenngwe mo letloleng leo mme ga e tlhakanngwe le madi a kgwebo. Tsogwane o gomotsa boora-Shanganya Kgosi Balebetse Sisinyi wa Mogome a re lenyora le ba apesitse kobo ka letshoba ka sengwe le sengwe se eme tsi! Kgosi Keipone yo a neng a akgolela Rre Masole le mohumagadi wa gagwe go nna sekao mo motsing wa Otse ka go nna batho ba ntlha go nyalana kafa molaong le go nna le setlankana sa lonyalo, o rotloeditse morafe wa gagwe segolo jang ba ba setseng bana le bana le malwapa e bile ba ntshitse magadi goya go shafatsa manyalo a bone ka go nyalana mo makgotleng a setswana kana kwa ga molaodi le mo dikerekeng ka le tsone di kgona go ntsha ditlankana tsa manyalo. Moswi a tlaa bolokwa kwa a neng a tlholega teng kwa Mokgenene. Go diragatsa melawana ya thuo go ka busetsa E ne yare bosheng morafe wa Bangwato wa tshologela kwa kgotleng kgolo ya Serowe go ya go itseela ka tsebe fa Kgosi Sediegeng Kgamane a ne a bolotsa letsema la monongwaga. O etjwa go sa le gale Gape ba ne ba eleletsa Rre Mokgweetsi Masisi yo o mo tlhatlhamang masego le katlego. Maikaelelo a mangwe a phuthego eo e ne e le go rotloetsa batsadi go nna le seabe mo kgodisong ya bana, go dirisa dikgotla tsa tetlanyo, go somarela ngwao, go rotloetsa lenaneo la ‘Re a nyalana’, go gakolola ka dikgang tsa boswa le go rotloetsa banana go tsena diphuthego tsa kgotla. Fa a tlhalosetsa morafe boteng jwa kgang eo, Rre Autlwetse o ne a kaya fa e ne ya re Tlhakole a le 21, 2018 ga nna le katlholo e e neng ya ntsha Kgosi Phologo mo setilong mabapi le dikgang tse di thata tse di neng di le teng ka nako eo tse di neng di supa Kgosi Phologo ka monwana gore ga se kgosi yo o maleba wa Makopong. A re, puso e tsile ka mananeo a le mantsi a go tlhabolola temo ya Batswana, mme mananeo ao a tshwanetse a tsibogelwe ka bokete jo bo kgonagalang. O ne a rotloetsa beng ba diterekere go ya go di baakanya go tlhomamisa gore di tlaa dira tiro ka matsetseleko mme a gakolola balemi go agelela masimo ka jaana ba ba sa agelelang ba tlaa seke ba lemelwe. Fa ba akgwa mopalamente dikgaba, Rre Mabuse Pule o lebogetse mafoko a mopalamente a go ba kgothatsa go tshwaragana. Mopalamente wa Mmadinare e bile e le mothusa tona wa tlhabololo banana metshameko le ngwao, Rre Kefentse Mzwinila o rotloeditse banni ba Robelela le Tshokwe mo kgaolong ya Mmadinare go tshwaragana go bona gore bolwetse jwa tlhako le molomo ga bo tlhagoge gape mo dikgaolong tsa bone. Rre Ntshwabi a re dingwe tsa dipodi le dipotsane tsa gagwe di ne tsa bolawa ke serame ngwaga o o fetileng ka nako ya dipula mme se sa fokotsa palo ya tsone. O supile fa matshwenyego a mo lefatsheng e le a tiriso phetelela ya nnotagi le diritibatsi, a supa fa ditagi di felela di tsenelela mo dikoleng, mme seo se dira gore maduo a baithuti a wele tlase. Fa a tswa la gagwe, mopalamente wa Serowe Bokone, Rre Kgotla Autlwetse o ne a leboga Komiti ya Dithojane go bo ba bone go le botlhokwa go thusa bana ba sekole sa Dinokwane ka gore puso e le nosi ga a kake ya kgona ka go bo itsholelo ya lefatshe e santse e le kwa tlase, mme a ba solofetsa gore ga a a ba lebala ka paka ya sekole, e tlaa tla. Sebui se sengwe ebong, Mme Kefentse Khumalo o ne a kgothatsa maloko go nna tlhaga mo tirong ya boithapo ka gore ba nna ba tlhokega mo dikgwetlhong tse di farologanyeng tsa botshelo. Rre Maele o ne a bua jalo ka Mosupologo kwa masimong a Marumantsho gaufi le Gootau kwa lephata la temo le neng le phuthile balemi ba kgaolo-potlana ya Palapye go ba ruta ka go dirisa ditsompelo tsa segompieno tsa go somarela bokgola. Mokhanselara Kgothang a re ka tsone dikereke, mapolotiki, makgotla a a ikemetseng, puso le setshaba ka kakaretso, ntwa e ka fenngwa ga bo ga lebalwa, sengwe le sengwe sa boela mannong. Lenaneo la See and Treat le remeletse mo go dupeng kankere mo go bomme gore fa go na le matlhasedi a kankere ba kgone go e alafa pele e ka jwalelela, ka fa e setse e le mo seemong se e nna thata go alafesega. Mme Motsumi o supile fa nnotagi e dira gore motho a latlhegelwe ke boitshwaro, a tsenwe ke malwetse a tshwana le kankere, kgotlholo e tona le malwetse a pelo. Rre Kgathi, yo gape e leng tona wa itshireletso, molao le thokgamo, a re o bone go tshwanetse gore a kopele kgaolo ya Bobirwa dithuso mo dikhamphaning tse di ikemetseng ka gore kgaolo e, e lebagane le dikgwetlho di le dintsi jaaka leuba le bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo dirang gore bontsi jwa batsadi bo tlhaele go tlamela bana ba bone. Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a re dikgang tse di amanang le bogosi di a tshwenya mme di atile thata mo lefatsheng leno mo malatsing a gompieno. A supa fa mokgatlho wa bone mo nakong eno o na le bomme ba le lesome le bobedi le borre ba le babedi. E ne ya re a ntsha bogakolodi, mokwaledi wa khansele, Rre Mozondik Moswete a supa fa ele bogogi bone bo sena molato le mogopolo a re go mo maruding a batlotlegi gore a ba a o amogela. A re mpuru o faretswe, ka jalo, ba tshwanetse go itoma melomo ya tlase go thusa go babalela matshelo a babusi ba kamoso ba lefatshe leno. Kgosi wa Bere o hulere Ba fitlhetse lolwapa lo lo neng lo le mo letlhokong le legolo, ba se na fa ba robalang teng, mme ba ba agela ntlo, ga tlatsa Rre Molale. Mothusa mogolwane wa lephata le le gokanyang dikgang tsa AIDS wa kgaolo, Rre Shathiso Daki a re ba simolodisitse thapelo go lwantsha HIV ka thapelo e tsisa tsholofelo ya gore mogare wa HIV o tlaa fela. Fa a tsibogela dikgang tsa tiego ya ba bongaka mo go ntsheng maduo a ditlhatlhobo le tlhaelo ya melemo kwa dikokelwaneng, Dr Somolekae o rile ba tsere tshwetso ya go thapa ba Botswana Couriers go ba anamisetsa melemo mo dikokelwaneng le gone gore ba tsibogela ntlha eo ya go ntsha maduo a ditlhatlhobo ka nako go itsa go jwelelela ga bolwetse. Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Agnes Kgotlaetsile a re o filwe madi ka 2014 go simolola kgwebo ya Kurus Investment. Diphafana di ne di fapaanelwa ka bokete ke bagolo, morago ga opelwa tsa bogologolo dipina. Mothusa kgosi wa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng o tlhalositse fa a itumeletse tshwetso ya morafe wa motse oo ya go rapelela metseletsele ya meletlo e e tlaa tshwarwang kwa motseng oo mo nakong e khutshwane. Paka ya basimane e ne e akaretsa marokgwe a mabedi, dihempe tse pedi, dikipara tsa mo teng, ditlhako, dikausu gammogo le dijesi fa baithuti ba basetsana bone ba ne ba fiwa paka e e feletseng e e akaretsang mosese, sekete, dikausu, ditlhako, dikipara gammogo le dimonamone. O supile fa go na le matshwenyego a mantsi mo tirong e, a supa fa go kwadisa ditsha mo motseng wa Letlhakeng go simolotse monongwaga, ka jaana kwa tshimologong go ne go akantswe gore tiro eo e tlaa dirwa ke kompone e e ikemetseng. Kgosi Mojuta o supile fa se se setse se banala ka dipolao tsa batho di ile magoletsa. Ba supa fa ba ntse ba tshwarela diphuthego mo sebatleng le fa tlase ga ditlhare mme ba re seo ga se a siamela seriti sa bogosi. A re seemo se se maswe ka jaana bana ba nna mo fifing kwa matlong a borobalo le baapei ba tshwanelwa ke go apaya makuku. A re dikgang tse dingwe tse di ba tshwenyang ke tsa batho ba ba hirisang diteseletso tsa go rwala setshaba le mororo di sa dirwa sentle. O boletse fa lefatshe leno le ise le ntshe dijo tse di lekaneng mme ba ikaegile ka dijo tse di tswang mafatsheng a magwe. Rre Masisi o supile fa a lemoga dikgwetlho tse a di beilweng pele ke Rre Galesenngwe Mohube. A re dipatlisiso di supa fa motho yo o goletseng mo kgokgontshong a ka tshabelewa ke go kgokgontsha ba bangwe kgotsa go kgokgontshiwa. Rre Kwape a re monongwaga ba kwadisitse dikgang tsa boimana di le thataro mme ngogola fa o tsamaya fa dikgang tsa boimana di ne di le tharo fela. E ne e rile pele fa a amogela baeng, Kgosi ya Marobela yo gape a emetseng kgaolo-potlana ya Tutume kwa Ntlong ya Dikgosi, Kgosi Rapelang Khuwe a leboga bao ba ba tsileng ka mogopolo wa go aga ntlo lehala hala, a re a go seka ga felela foo ba tswelele ba tle ka mananeo a a tlaa dirang pharologanyo mo motseng. Le fa go ntse jalo, Kgosi Kealetile o kopile Rre Dithapo go direla morafe wa Goo Tawana ka bonatla, mme e bile a supa fa bogosi e le tiro e e bokete. Le fa ntswa a ngongoregela dikatso tsa gagwe, o tlhalosa gore o dira tiro ya gagwe ka botswerere ka gore ga a ise a amogela ngongorego go tswa mo go ba ba kopang thuso mo go ene. Lentswa tshologelo e ne e le kwa tlase, moletlo wa Ruviya o maikaelelo a one e leng go ipelela dingwao tse di farologaneng tse di fitlhelwang mo kgaolong ya bokone Bophirima le go rotloetsa banni go boloka ngwao, o ne wa tshwarwa bosheng kwa masimong a Samedupe gaufi le Maun. O ne a kopa gore bagodi ba kgaolo eo ba ikopanye mme ba buisane ka mananeo a ba akanyang gore ba ka thusiwa ka one. Mme Hana Molamu wa kgotla ya Maribana kwa Sojwe, ke mongwe wa ba ba itshetsang ka kgwebo ya go nna jalo morago ga go bula kgwebo ya go roka ya Millenium Clothing e e nang le dingwaga tse lesome le boferabobedi e ntse e dira. A re balaodi ba tshwanetse go lomagana le baeteledipele ba dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse gore ba nne le kitso e e ka itumedisang batho ba ba tlhokang ditirelo mo dikhanseleng. O ne a bolela fa golo fa molelo o tlhagogileng teng e le fa go latlhelwang dipolaseteke mme molelo o jwelela ka bofefo ka gole phefo. Ruviya e tsosolosa ngwao Mme jaanong molao o o leka go baakanya kgang e. Ba re ke nako ya gore borre ba ititee ka thupana mme ba ne ba etela dikokelo gangwe le gape, go na le gore ba dire jalo fela fa go setse go le thata, ba tlatsa ka go re go tsiboga ga borre go ka thusa go nyeletsa gotlhele bolwetse jwa TB mo kgaolong ya Bokone Botlhaba le mo lefatsheng ka bophara. O ne a tlhalosa fa a reka dithunya kwa Afrika Borwa, a bo a di kgabisa ka manontlhotlho go ka oka batho. Se ke go tlhoka boikarabelo, e bile go rotloetsa mekgwa e e maswe mo baneng, Rre Molatlhegi a tlhalosa. A re ka jalo go botlhokwa gore lefatshe leno le kabakanye itsholelo le go bona gore madirelo a Botswana a rekisa dithoto kwa mafatsheng a sele, mme dipoelo tsa teng di thuse mo ditirong tse dingwe. Magodu a apesitse Tatisiding kobo ka letshoba Kgosi Tsiane a re go botlhokwa go tshegetsa ngwao ya dikgafela ka ele mokete o o segofaditsweng e bile gape ele tsamaiso ya ngwao ya Setswana. Moeteledipele wa Ndadi Law Firm, Rre Uyapo Ndadi, o boleletse banni ba toropo ya Jwaneng gore ke nako ya gore Batswana ba ipelele tse ba di kgonneng go lwantsha HIV/AIDS. Ka 2012 o ne a boa gape a tsenya kopo e e rileng ngwagatlola ya atlega mme a bona dithuso tsa P82 000. Kwadiso ya ditsha e ya bokhutlong Rre Setlalekgosi o rile lefa ba kgonne go tlhabolola lefelo leo le ba ruetseng mo go lone le e kileng ya nna letlotla la batsadi ba bone,bane ba lebanwa ke kgwetlho e neng ya batla go ba kgobisa marapo fa ba lekgotlana la kabo ditsha la Mahalapye le lekgotla la kabo ditsha la ga mmangwato bane ba gana go ba abela lefatshe leo mo ba feletseng baya go fenya kgang ya bone kwa lekgotleng la ditsheko tsa lefatshe (Land Tribunal). Mme Moffat a re dithuto tsa ga-e-golelwe di simolola motshegare ka jalo, seo se fa bagolo tiro ya go ka tsweledisa ditiro tse dingwe tsa mo gae mo mosong. Kgosi a re fa mogopolo wa gagwe o ne o ka atlega banana ba kgaolo eo ka bontsi ba ne ba ka bona dithuto tsa diatla segaufi. Dibui kwa moletlong wa segopotso sa bolwetse jwa kgotlholo e tona kwa Jackalas No 2 mo kgaolong ya Bokokone Botlhaba ka Labotlhano, Ba re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a tsibogele botsogo jwa gagwe ka maikaelelo a go leka go lwantsha malwetse, bogolo jang fa go itebagantswe le jwa kgotlholo e tona, jo ba boletseng fa jone bo alafesega fa bo tsibogelwa nako e sale teng. Kgosi Kgakanyane o boletse gore gantsi borukutlhi jo bo a tshwenya ka jaana batho ba a itewa, ba golafadiwe mo go bosisi mme kwa phelelong ba latlhegelwe ke matshelo. A re thapelo ke sebetsa se se sa palelweng ke sepe. A re mo maitekong a go itepatepanya le seemo se, badiri bangwe ba ba tlogetseng tiro ka bogodi ba sepodisi le ba sesole ba Tatisiding ba tlhamile mokgatlho go tla ka methale ya go fedisa borukutlhi. Motsadi, Rre Thomas Shanganya ene o lebogetse lerato le kemonokeng ya boeteledipele jwa lefatshe. A re bangwe dipolantere tsa bone ga di ntshe dipeo mme go bo go sa tlhoge. A re e sale ka a sekegetse tsebe mafoko a ga tautona wa bobedi wa lefatshe la Botswana Rre Ketumile Masire a a reng metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati,mme rragwe ene a mo tlogetse ka a a reng dilo di utlwelwa marakaneng go tewa gotwe se re o rata selo wa nna o re ke tlaa se dire nako e e tlang. Mogokgo a re letlhoko la ditsompelo le ba paledisa go fitlhelela maduo a ba a eletsang a tlatsa ka go re le fa Batswana ba itsege ka mowa wa go ipelega, seo ga se kgonagale ka batsadi ba le thata go thusa sekole. O buile jaana fa a buisa kokoano ya Batswana ba ba neng ba tshologetse go tla go mmona le go botsana matsogo kwa toropong kgolo ya eSwatini, Mbabane bosheng mo loetong lwa gagwe jaaka a tsweletse go ipegela bo tautona ba mafatshe a lwkgotla la borwa jwa Afrika (SADC). Mokhanselera Munihango a re le fa go ntse jalo tsela eo ke nngwe ya ditlhabololo tse puso e di tlhomileng leitlho gore fa madi a bonala e tlaa tlhabololwa ka go tsengwa dipone di le mmalwa gore badirisi ba kgona go bona diphologolo di sa le kgakala. Modulasetilo wa lekgotla la batsadi le barutabana wa sekole seo, Mme Olebeng Kanje o ne a kgothatsa batsadi go kopanela kgodiso ya bana le go tiisa tirisano mmogo fa gare ga bone le barutabana, jaaka go lemosegile gore thuto ya lefatshe leno e agilwe ka boraro, ebong morutabana, motsadi le ngwana. Ba Polka ba a ipaakanya Lebentlele la Choppies le tswa tautona mokgosi Banni ba kopa go fetolwa ga melao ya tsa phiro le pereko Le fa banana e le bone ba dirang dipalo tse dintsi tsa batlhophi, go supega fa ba ikgatholosa go tsaya karolo mo ditlhophong tsa setshaba le diphathi ka bontsi. Superintendent Makwaeba ba bone g ole matshwanedi go tshwara merapelo ya go rapelela dikotsi mo tseleng ya Gaborone/Francistown ka jaana dikotsi mo tseleng eo di tsweletse ka go gapa matshelo a batho le go tlogela ba bangwe bale digole ntateng ya dikgobalo tse di masisi. O supile fa seshabo se, tatso ya sone e le monate. O ne a ikuela mo khanseleng ya Bokone Bophirima go tsibogela matshwenyego a kgotla ya gagwe ka bofefo mo lenaneong la madi a dikgaolo a P10 million. A re ba ipapanne ka methale e e farologaneng gore ba leke go lwantsha melelo le kgonagalo ya yone. A re lephata le tlaa netefatsa gore didirisiwa tsa boleng jo bo kwa tlase ga di nne teng mo marekisetsong e,bile ga di letlelelwe go tsena ka dikgoro tsa melelwane. Bishop Jakobe o supile fa moono wa leeto la gagwe e ne e le go lekola maloko, mme a kaya fa go ngomola pelo go fitlhela bangwe ba le bokoa mme a ba tlhomamisetsa fa ba tsere tshwetso e e molemo go tla mo ntlong ya kobamelo Modimo ka e le gone fa ba tlaa folang teng. Mme Kesenye o ne a re thuto ke namane e tona ya tiro, ke sone se FNBB le ba BPC ba e tshwaraganetseng. Fa a fa pego, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Makwate Mme Kedibonye Mogotsi, a re o tshwenngwa ke tsela ya Makwate, ka go sena sepe se se dirwang mo go yone. Ke tswa kgakala ke rata thuo ya dihutshane ka jalo ke kgona go di tlhokomela go le bonolo, a tlhalosa jalo. O tlhalositse fa ditlhotlhomiso di tsweletse go itse ka se se ka tswang se bakile kotsi e.O gakolotse bakgweetsi go nna kelotlhoko mo ditseleng. O rotloeditse banyalani ba lenaneo leo gore ba seka ba inyatsa ka jaana manyalo a bone a setse ditsamaiso tsa lenyalo morago, ebile a tshwana le manyalo a mangwe. O ne gape a kopa morafe waga Mmangwato gore o itshekatsheke ka go lebega ba latlhegelwa ke ngwao mme seo sesa ba siamela. O akgoletse balemi ba Serowe borwa gobo ba setse ba simolotse go dirisa methale e mesha jaaka go lema ka ditselana mme are gago ise go lekane ka gore kgaolo ya bone ena le lefatshe lele ntsi le lesa dirisiweng. Rre Thamane o tlhalositse fa CEDA e ikabetse Rachele go nna motsadi wa sone, ka maikaelelo a go se tlamela fa ba kgonang teng. Mopalamente wa Shoshong, Rre Dikgang Makgalemele, a re lenaneo la go rudisa itsholelo la ESP le diretswe go batla metlhala ya go nyeletsa lehuma le go direla Batswana ditiro. O ne a tsibosa banni ba Matebeleng ka molao wa tiriso le thekiso ya diritibatsi, a supa fa tshutiso ya molao o e dirilwe. Rre Kwape o boletse fa dikgang tse tsa botlhokatsebe di digela maduo a ditlhatlhobo kwa tlase, a re go tswa mo dikoleng tse di lesome le botlhano tsa kgaolo ya legare ke bone ba ba kwa bofelong mme mo lefatsheng lotlhe ba mo maemong a bosupa go tswa kwa tlase. Rre Semente a re se ke tshimologo ya ditiro tse ba tlaa di dirang tse di tlaa tsenayang madi mo komiting. Rre Pontius Mokgosana le ene e le monni wa Kanye o ne a akgola komiti e ya lekgotla a bo a ba gakolola gore ba ka kopa dithuso kae. Sekole sa Diloro ke sengwe sa ntlha go simolodisa dithuto tsa bananyana ka 2014, mme morutabana yo o rutang bana bao ke yo o nang le dithutego tse di kwa godimo tsa degree. A re mo nakong eno ba setse ba kgonne go thusa banana ba metse ya Khekhenye, Dutlwe le Tshwaane kwa Kweneng Bophirima ka bangwe ba kgonne go ipulela dikgwebo mme bangwe ba ne ba felela ba dirile sentle thata mo mophatong wa boraro jalo ba iponela diphatlha kwa dikoleng tsa ithutelo tiro ya diatla. Mme Tumaeletse a re ka ditso tsa kereke ya Roma, lefelo leo le tlotlwa thata ka go obamelwa Marea Mmajesu e bile ba dumela gore tsotlhe tse ba lopang fa ba fetisa dithapelo ka ene di tlaa goroga le go arajwa ke morwawe ebong Jesu Keresete. Bokhutlo A re, seo se mo tiisa moko gape se supa fa a nale batho tota. Mokhanselara wa Maunatlala Mme Salome Lesole o lebogetse puso go tsibogela selelo sa banni ba Maunatlala, Mokokwana le Mosweu ka go aga matlo a borobalo a bana ba sekole le a barutabana. A re bana ba tshwanetse go ikgapha mo boitshwarong jo bo sa lolamang ba seka ba kgatlhwa ke dilo tse di ka dirang gore ba tswe mo tseleng. Ba boletse fa ba tlamega go tla ba geletse metsi kwa malwapeng a bone, selo se ba kaileng se ba imetsa morwalo o o seng kanaka sepe segolo bogolo ka bangwe ba bone ba dirisa dipagamo tsa setshaba go tla madirelong a bone. Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Kwape o tlhalositse fa go ima ga baithuti go ile magoletsa fa go tshwantshanngwa le ngogola mme se o kaile se dirwa ke banna ba batona kwa metseng e bana ba ba tswang kwago yone. Modulasetilo wa komiti ya Bot50 mo Letlhakeng, Rre Marks Mokhowe o ne a supa fa go itumedisa go bona morafe o rapedisa dikgwetlho tse ba nang le tsone le go kopa botlhale kwa Modimong. A re ka jalo go tshwanetse ga nna le fa megopolo e, e tla kotelwang ka teng gore dikgosi ka jaana di digoga kwa pele mo tshomarelong ya ngwao, megopolo e o e tshwanetse gore e diragadiwe. Ba supile fa ba lebogela tshologelo ya babeeletsi go tswa kwa mafatsheng a sele ka jaana ba thusa go bula diphatlha tsa mebereko mme sebe sa phiri e le gore dituelo tsa bone di kwa tlase fela thata go ka tlhabolola matshelo a bone. E re le ntswa dikgwetlho tsa botshelo di tsweletse ka go golela pele,go santse go na le dikompone dingwe tse di ikiteileng sehuba go thusa ba ba dikobo dikhutshwane. Rre Makgalemele o ne a kgothatsa bomme go tshwarelela ka thata mo go se ba se dirileng ka e le se segolo, mme e bile a eletsa gore ba dire mo go fetang fa mo nakong e e tlang. Baoki ba kgaolo ya Okavango ba supile lerato ka go fa bagodi dijo ka Mosupologo, Motsheganong a tlhola malatsi a le lesome le motso, ele go gopola mooki o mogolo Mme Florence Nightingale, yo o tshotsweng ka lone letsatsi leo. A re selo se se dirang gore bana ba felele ba inaakantse le borre ba batona ke gore ga ba bone tlhokomelo go tswa mo batsading mme ba ya go e batla golo gongwe mme ba felele ba wela mo dilalomeng tse. O tlhalositse fa ba amogetse boikuelo jwa motho wa mme fela, yo go bolelwang fa a sa bonwe. A re o dumalane gore seo se tlaa thusa go fokotsa mosuke wa peo ya ditsha bogolo jang ka a kile a bona matshwititshwiti a Batswana ba ile go kopa peo ditsha kwa lephateng la ditsha la Oodi. A re matlo a a abelwang batlhoki, bana ba nna mo go one ka e le a batsadi mme ga ba a tshwanela go leka go a ba amoga. Mme Sedie a re balwetse le bone ba tlhoka ditlosa bodutu. Kgosi Mokgatla o supile gape fa bangwe batsadi ba na le seabe ka jaana ba tlogedisa bana dithuto ba ba rulaganyetsa manyalo a a seng ka fa molaong, a tlatsa gape ka go supa fa bangwe ba itse gore bana ba bone ba dirisiwa botlhatswa mme ba nne fela ba bipa molato o ba gabile dipoelo mo ditirong tse. O boletse gore fa lenaneo leo le ka rotloediwa moono wa go fedisa mogare gotlhelele o ka fitlhelelwa. Mogokgo wa sekole sa temo-thuo sa Pelotshetlha go bapa le Mmathethe kwa kgaolong ya Borwa, Rre Pius Nkunda, a re balemisi kwa kgaolong eo ba ngongorega ka balemi-barui ba ba sa tseyeng mananeo a puso ka tlhwaafalo. A re a ithute go bua le batho a bo a tlhophe mafoko fa a bua le batho. Rre Kgomokgwana o buile jaana ka Lwabotlhano kwa Moiyabana jaaka ba lekgotlana la peo ya ditsha la ga-Mmangwato ba ne ba abela baithuti ba sekole sa Mothamo kwa Moiyabana mesangwana ya bomme e le makgolo a fera bongwe le melora e e tlhapang legano. Ka jalo Kgosi Botoka a re o bone go le maleba gore a bitse morafe go tla go lebisisana dikgang tsa mothale o gammogo le go fana maele a gore go ka dirwa eng go tokafatsa seemo se. Kgosana Moseki a re go a nametsa go bona banana ba eme ka dinao ba ithaopa go lwantsha mathata a a tshwenyang mo setshabeng. Ntswa a ne a tlhalosa fa mathata a bone a sa fetoga, Rre Makubate o ne a rurifaletsa barui gore BMC ga e rekisiwe mme le gone gore fa go ka nna jalo ba tlaa ba rerisa. O ne a supa gore molao o wa kgokgontsho ya bong o tsentswe ditsetlana tse di fang ba molao dithata tsa go ka sekisa le go bona motsadi molato fa a itlhokomolosa kana a bipa dikgang tsa kgokgontsho ya bana. O ne a akgolela ba UCCSA Boseja go bo ba bone go tshwanela go dira maitiso a maikalelo a o ne e leng go kgobokanyetsa kago ya kereke madi. Moruti Lekula o tlhalositse gore le ntswa ba le dikereke tse di farologaneng ba rapela Modimo o le mongwefela, mme a re lefatshe leno ke mpho ya Modimo jaaka pina ya Setshaba e tlhalosa, mme ba tshwanetse go ipela ka lone le go le lebogela e le mpho. A le mane fela ke one a atlegileng mme a tsweletse ka go gola. O ne a supa fa go ya pele, palamente e tsile go gagamatsa molao wa bogodu jwa leruo ka go batla bosekisi jo bo faphegileng gore dikgang tse di tsibogelwe ka bonako. Fa akgela mo dithutong tseo mongwe wa banyalani ba ba neng ba itshupa e le sekao mo go ageng lolwapa lo lo nang le kagiso Rre Petrous Bock o ne a kaya fa ba itumeletse dithuto tseo ka di ba rutile go le gontsi le gore ba tla tswelela ba gakolola le banyalani ba bangwe ka se se ka thusa thata mo go ageng malwapa aa tiileng ebile a itsetsepetse. O ile gape a re e re ka Setswana se re moseka phofu ya gabo ga a swe lentswe ba sa ntse ba ikuela ka tsela ya Mogome/Mokgware, boroko ja mokentsi, badiredi le motlakase. Mme o kopile mananeo a dikopo tsa banana gore a fefosiwe gore baikopedi ba seka ba nna le mowa wa boitlhobogo. Mme Mannathoko a re bana ba sekole seo ba ba abetsweng ditlhako ba le lekgolo le masome a supa le botlhano go simologa ka baithuti ba ba rutuntshiwang go simolola sekole (reception class) go fitlha ka mophato wa bosupa. Ba ba tsentsweng bosheng ba D4 go ya tlase bone go tsewa ba le bararo go tswa mo kgaolong ya bopalamente nngwe le nngwe mo gotse tlhano, mme ga ba eme lobaka ka ba thusiwa ngwaga mongwe le mongwe wa madi, gape ga ba palo ntsi jaaka ba lenaneo la mongwe le mongwe la Turnkey. Mme Matiha o ne gape a kopa banni go akanyetsa leobo le mo mading a ditlhabololo a dikgaolwana. E re ntswa dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse e mengwe di lebaganwe ke letlhoko la madi go itirela ditlhabololo, VDC ya Mogonye yone e inaakantse le puo e e ereng mokoduwe go tsosiwa o o itekang. O tsweletse ka go gatelela fa kereke e tshwanetse ya kgala e sa kgwe mathe tiriso botlhaswa ya nnotagi, diritibatsi, boaka le boitshwaro jo bo sa eletsegeng. Nnotagi e busetsa kwa morago A re, fa motlhophi a ne a ikwadiseditse kwa lefelong le sele, mme a eletsa go fudusa ikwadiso, o ikopanya le ba ofisi ya ditlhopho kwa a eletsang go ya go tlhophela teng, ke bone ba ba ka mo thusang. Morafe o ne wa fiwa sebaka go itebagnaya le kgang e ba e beilweng pele, mme kgang ya phagela mongwe le mongwe yo o emang a supa ka fa ditso di ntseng ka teng le gore ke mang yo bogosi bo mo tshwanelang ka mabaka afe. Kgosana yo o tlogetseng tiro ka bogodi Rre Kitso Kelosiwang yo e leng rangwanaagwe Rre Mere, o ne a mmolela gore morafe o tsile go mo lebelela gore a o ba tsaya ka tekatekanyo le gore o sekisa a sa sokamela ntlha e le nngwe fela. O kaile fa mo thusong ya potlako go sa letlelesege gore ope o ka dirisa melemo mo nthong ya yo o gobetseng ntleng fela le ba bongaka. Fa a leboga setshaba, Kgosi Magapatona o ne a re o itemogetse gore o na le setshaba se se kgathalang gape se na le lorato o ne a re monyetla o a dirileng e le kgosi e ne e le o o sa lebalesegeng. Mme Leburu o kaile gore dithupana tse tsa morogo wa rape fa di sena go oma, o tlhadia morogo wa tsone go ka nna ga raro, a bo a o apaya ka setokana sa nama go fitlhelela o butswa a bo a tshela mafura le letswai a bo a dira loswao. O ne a re ntswa seelo sa bone e le go duela barui mo malatsing a le 14, seo se santse se sa diragale, mme a ba solofetsa gore fa ba sena go fetsa melala e e solofetsweng go felela ka Phalane, o na le tumelo ya gore seo se tlaa diragala. Kgwebo ya matlalo e ka nowa moro Mokhanselara wa kgaolo ya Mogale Rre Ronicah Ntsimako one a kopa gore bagolwane ba ba berekang le Ipelegeng ba tlhophiwe ke komoti ya ditlhabololo kwa dikgaolong . Mo go tse dingwe, Kgosi a re o tshwenngwa ke bomme ba ba sa apareng sentle fa ba tla kgotleng mme a ba rotloetsa go apara mesese ka ke sone Setswana. A re maikaelelo a mangwe ke gore go nne le kgolagano fa gare ga mapodisi, setshaba, ba bosekisi ga mmogo le ba na le seabe ba bangwe gore ba kgone go lwantsha bogodu ja leruo ba le seopo sengwe. Erile morago ga go sa direng sentle mo dithutong tsa gagwe tsa lokwalo lwa bosupa, o ne a thatafalelwa ke go bona tiro ka letlhoko la ditiro le ne le ile magoletsa mme a seka a batla go ipona a ingwaya ka meno bakeng la go tlhoka go sa bereka. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Nyorosi Legare kwa Kanye, Mme Binki Oki, o akgoletse kereke ya St John Apostolic Faith Church in Zion go abela batlhoki diaparo. Kedikilwe o rotloetsa boipelego A re mo kgweding eno, ba setse ba gatisitse dikgang di le pedi kwa Ngwatle e nngwe kwa Zutshwa, fa bontsi jwa dikgang bo sa begelwe mapodisi. E rile a bua kwa bokopanong le bagwebi ba motse wa Sebina, Rre Mojewa a re ba ikaeletse go tsamaya le kgaolo ya bone go rotloetsa banana gore ba dire dikgwebo ba seka ba re ba emetse go thapiwa ke puso ka ditiro di le thata go bonwa. E re fa dikgang di eme jalo, Kgosi Mosinyi o supile fa go sena se se ngomolang pelo jaaka go nna le letamo mo motseng wa gago mme wena o bo o nna le letlhoko la metsi. Kgosi Phologo-Seitsang o bolokwa ka Matlhatso A re ba seka ba ithontsha ditshwanelo tsa Botswana jwa bone mo dilong di tshwana le go tsaya karolo mo ditlhophong tsa setshaba. A re mowa wa tshwaragano o o supilweng ke morafe wa gagwe le Batswana botlhe ka kakaretso, o ka isa lefatshe leno golo gongwe, a kopa setshaba go ema ka dinao go bona gore mowa oo wa tirisano mmogo o a tswelela. Rre Morakanyane o ne a tlhalosetsa morafe fa ba romilwe ke tona wa ditsha go sekaseka ka fa lefatshe le tsamaisiwang ka teng, ka jaana motse wa Letlhakane e le mongwe wa e e nang le kgogedi ya batho ba ba batlang ditsha ka lebaka la meepo, selo se se bakang gore go nne le bomaipaafela. Mme Mogomotsi a re ba ya go simolola go ba etela ba sa ba itsise go bona gore a ba dira dilo ka fa tshwanelong le gone gore a ba tshwara dibuka sentle. Kwa Mahetlwe ke motho ale mongwe yo o setseng a thusiwe ka thulaganyo e, ka gone ga tlhalosiwa fa bontsi bo kgatlhegela thuo ya dihutsane. Moruti Boemo a re nako le nako fa motho a tlhakanela dikobo le yo mongwe, o fa motho yoo karolo nngwe ya botshelo jwa gagwe. Mo tekodisong ya gagwe, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Rodgers Madzambi o ne a kopa gore ofisi ya kgotla ya bone e atolosiwe ka jaana e le nnyenyane, ka jalo badiredi ba ba direlang mo diofiosing tseo, ba bereka ba pitlagane e bile ba sa kgone le gone go boloka sephiri sa ditirelo tsa bone ka go farologana. Kgosi o supile gore leruo le le utswiwang thata ke dinamane tse di latlhisiwang bomaatsone, mme o tsweletse ka gore batho ba itshwarelela ka gore go na le molao mongwe o o reng kgomo fa e sa tshwaiwa ga e na mong. E rile modulasetilo wa komiti e e baakanyetsang tiro eo, Mme Keolebogile Naolakgosi a ntsha tekodiso, a tlhalosa fa tiro eo e le tona thata e bile ba solofetse balalediwa ba tlotla ba feta lekgolo. Ba buile seo kwa khanseleng ya kgaolo potlana ya Boteti kwa Letlhakane bosheng, ba tlhalosa gore tiego ya dituelo tse e baka gore jaanong beng ba leruo ba gane go rekisetsa puso. Rre Tumaeletse o kaile fa e sale ka 2011 ba sepodisi sa Middlepits ba sena go ba rolela maikaelelo a bone, sekolo sa gagwe se ne sa leka ka thata. Ba ngongorega ka baatlhodi Ba re puso e sekaseke dipalo tsa bana tse morutabana a le mongwe a lebaganang le tsone E ne e rile go le pele mo mafokong a kamogelo, mogokgo wa sekole seo, Mme Mosetsana Morotsi a tlhalosa fa sekole sa gagwe se na le baithuti ba le 308, ka barutabana ba le 12, mme se kgonne go bona maemo a boraro mo ditlhatlhobong tsa ngogola, mo kgaolong ya botlhatlhobi ja dikole ya bokone. Banni ba tsosolosa mokgatlho wa ba-na-le-bogole A re e ne ya re Botswana a sena go tsaya boipuso, ba senya ditshipi tseo tsa kgaso ka ba ne ba sa itse mosola wa tsone, le diengene tse di neng di dirisiwa ka nako eo ka go ne go sena metlakase, morago ga gore batho basweu ba boele kwa Britain. Batawana ba tlhoma mothusa kgosi kgolo Monna o tlaa arabela go fitlhelwa ka dipodi tse di belaetsang O supile fa ngwao e tshwanetse go fetoga le dipaka, a supa gore fa e dira jalo e a nonofa. A re e tla bo e se setho gore Batswana ba lebale bagolo ka se ba se diretseng lefatshe leno. O supile fa a ithutile fela go le go ntsi mo dithutong tseo ka o ne a rutiwa le go bopa ka mmopa, se e le tsela ya go tlhofofatsa tiro ya gagwe. Mopalamente wa kgaolo ya Ngami, Rre Thato Kwerepe o rotloeditswe banni ba kgaolo ya Nhabe go inaakanya le mehama e mengwe ya itshetso go inamola mo lehumeng le le ba apereng. Kgosi Oletsositse Mosweu wa motse wa Dukwi a re ga a jeswe diwelang ke bangwe batsadi ba ba nnang ko merakeng ya Malelejwe le Tshwaane, ba ba sa tsibogeleng dithuto tsa bana ba bone. O gakolotse gore fa motsadi a setse a lemogile gore ngwana o dirisa ditagi, a bue le ene ka nako e a wetseng dibete le ngwana a se mo sediding sa bojalwa kana diritibatsi. Rre Ramogapi o supile se mo phuthegong ya khansele potlana ya Palapye bosheng. O tsweletse a re borre ba mapodisi ba ne ba tla mo lwapeng la gagwe ba na le bangwe ba morafe wa Sesarwa mme ba sa itse Setswana gotlhelele ka jalo a kopiwa go toloka. Molaodi o ne gape a re motse wa Makgaba o ya go tsenngwa mo lenaneong la ditlhabololo. One a leboga ba komiti ya ditlhabololo tsa magae ( Village Development Committe) gobo ba ntse ba mo lekodisa ka gore tiro ya bone mo kgaolong e tsamaya jang. Tautona Khama o buile se jaaka a ne a kopane le bagodi go ba abela dikobo ka Tshipi kwa kgotleng ya Manamakgotle kwa Mochudi. Fa a tshwaela mo moletlong o mokhutshwane wa go rolela ba lelwapa leo dimpho, modulasetilo wa komiti ya botsogo ya LEA, Rre Gaolaolwe Phologolo o ne a re e re le ntswa tiro ya bone e itebagantse le go thusa Batswana go simolodisa le go godisa dikgwebo tsa bone, fela ba bona go le botlhokwa gore ba tokafatse ka tsela nngwe matshelo a ba ba tlhokileng lesego mo botshelong. Kgosi Baruntshi Kegapetswe ene o ne a kopa dikereke gore di tlhame mekgatlho a re ke yone e ka di bopaganyang. A re banana, segolobogolo ba ititeye ka thupana go iphataphatela, a tlhagisa fa phokoje wa morago dintsa di mmona. Tiro ya diatla e botlhokwa Batsadi ba ne gape ba re go nna ga bana ba le nosi, batsadi ba le kwa masimo le kwa merakeng le gone go na le seabe sa kwelo tlase ya maduo. O ne gape a re karata eo, e tlaa bo e dirisiwa mo matshining wa banka nngwe le nngwe e seng ya ABC fela, a re tiriso e e tlaa fokoletsa barui ditshenyegelo tsa go latela dituelo kwa Francistown. Mme Kereemang Moses ke mongwe wa barui ba duhutshane kwa merakeng eo, se a se kgonne ka lenaneo la Youth Development Fund (YDF). O supile fa ene a setse a godile mo ebile a sa ikaegang ka puso gore e mo thuse ka mananeo a a itebagantseg le go thusa Batswana go lema a tshwana le la ISPAAD. Rre Kgathi a buile se mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng ya Oodi le Bokaa bosheng. O tlhalosa fa gape motho yo o itshidilang mmele a sa tsofale ka pele. Fa a tswa la gagwe go tswa mo lephateng leo Mme Gorata Ntshwabi o boletse fa lefatshe la Botswana le itlamile go ruta sechaba ka dikgang tse di amang bong le tekatekano go sa kgathelesege gore motho o ngwaga dikae. E rile fa bangwe ba le mo mherehereng wa go ipelela keresemose le ngwaga o mosha, setlhopha sa baithuti ba pele ba sekole se segolwane sa Matsha College kwa Kang ba ba feditseng ka ngwaga wa 1994 ebile ba tlholega mo kgaolong ya Kgalagdi Borwa bone ba gopola balwetsi ba ba robaditsweng mo sepateleng sa Tsabong ka go ba abela dimpho. Dikgang tsa bogosi di a tshwenya O ne a kopa gore go lebelelwe maphata a a tshwanang le bo Omang, ba tsa botsogo jwa tikologo, ba tsa dikgwebo le gone gore poso ya Lerala e dirisiwe go duela bagodi. A re go lemogilwe fa metshameko e le botlhokwa mo matshelong a batho fa go lebeletswe mo tshidilong ya mebele le gone go rotloetsa botsalano le mowa wa kgaisanyo magareng ga batshameki le balatedi ba ditlhopha ka go farologana ga tsone. O ba rotloeditse gape go bereka mmogo go tokafatsa go dira tiro. Tona a re maikaelelo ke go le busetsa mme go baakantswe dikgoreletsi tse di neng di le teng mo nakong e e fetileng. O ne gape a supa matshwenyego ka koketso dituelo tsa badirelapuso a re boraro mo lekgolong ke madi a mannye go lebeletswe seemo sa botshelo jo ba sa bo kgoneng, a re fa boraro mo lekgolong joo bo tsena beng ba dikgwebo bone ba oketsa ditlhwatlhwa go feta jone boraro joo. A re ba bone go le maleba gore ba iphe nako gore ba ye go tlhola le morafe wa Sehunou, ka a re botlhokwa jwa pitso e ke go fa morafe sebaka sa go nna le bone go buisanwa gore ba ba nang le matshwenyego le dingongorego tebang le ditirelo tsa botsogo ba a ntshe ba phuthogile gore ba tle ba fiwe tlharabololo, ba botse ka dingwe ditirelo tse ba sa di tlhaloganyeng. Ga re itse gore a ke gore ga le itse gore mananeo a teng, kgotsa le a a itsapela, kgotsa ga le a tlhoke, kana a a tura, ka ikopelo ya lona ya madi e kwa tlase, aga bua Rre Kebonang A re puso e dirile mananeo a a thusang ka madi jaaka CEDA go adima Batswana madi gore ba tsene mo dikgwebong. A re go dirilwe se morago ga go lemoga fa dikgaolo tseo di sa dire sentle mo go tsa temo, ka dipula di le boutsana mo go tsone. O kgothaditse ba ba tsayang diritibatsi tsa mogare wa HIV go di dirisa sentle le gone go tlhwaafalela go tlhatlhoba bana ba bone gore ba tseye kgato nako e sa le teng. Kgosi Mpaesele Itumeleng wa Peleng kwa Lobatse a re kereke e supa lerato le kutlwelobotlhko ka go fitlhelela setshaba kwa se leng teng. Mo phuthegong eo Kgosi David Rathibapana o ne a kgalela morafe go tlhoka go tsena diphuthego ka bontsi ntswa e le tsone tse ba ka lekodisiwang ka mananeo a puso le ditlhabololo tsa motse mo go tsone. Dingwaga tsa kgolegelo di simolola ka bosupa, lesome, lesome le botlhano kana go duedisiwa P500 000 kana P1 million, ga bua Rre Molebatsi. Leloko la mokgatlho wa He for she, Mme Lydia Mafhoko-Ditsa a re bomme le borre ba tshwanetse go tshedisana sentle le gone go tshwaraganela kgodiso ya bana. A re maikaelelo e ne e le go boloka madi a a ka mo thusang go simolola kgwebo ya gagwe. O supile fa ditlhabololo tse dingwe di akaretsa kgokelo ya dipompo tsa metse go tswa kwa letamong la Thune e tsweletse sentle, go baakanya ditsela mo kgaolong le gone go tsamaya sentle. O ile a ngongorega ka go runya ga dikereke mo motseng, a re seemo sa teng ga se amogelesege ka di lala di letsa diletso masigo, le bana ba dikole ga ba sa tlhole ba ithuta sentle. Mme Ramagwa a re seo ga se itse gore fa moikopedi a kgona, o ka fetsa pele ga dingwaga tseo mme a kopa tirisano mmogo le go sela dituelo tsa lenaneo leo morago go itsa dikgotlhang. Ipelegeng e tshidisa ba Kumakwane Fa a itebaganya le kgang ya tlhaelo ya melemo, o supile fa ba ne ba salela morago go abela barui melemo, mme a ba netefaletsa fa ba tla tsibogela seemo seo mo nakong e e sa fediseng pelo. Re ya go dira se, re sa tswe tshaba ya matagwa. Maikaelelo a rona ke go ba phutha gore ba kgone go tsweledisa maikaelelo a bone a go lema merogo, ba dirisa tshingwana ya morafe ya Eden. E rile a tsibogela pego ya komiti ya ditlhabololo, Rre Makgalemele yo gape eleng mothusa tona mo lephateng la tlhabololo banana, metshameko le kgodiso ngwao, a gatelela botlhokwa jwa go tswa ka maano aa ka thusang go tlhabolola itsholelo ya motse. Lekgotla la Bathoen II le tlhaelelwa ke maloko Le fa go ntse jalo Batawana bane ba amogela mogopolo wa go tlhama komiti e e tla gakololang ba bogosi, ba tlhalosa fa komiti eo e tlaa bo e emetse dikeletso tsa morafe. Mme Sejakgomo a re ba eletsa gore Batswana ba ba gakolole gore maphata a tokafatse ditirelo tsa bone jang, le gore a bodiredi bo dira ka natla go fa morafe ditirelo ka fa go tshwanetseng ka teng. Re tsweletse, re ya kgonnye, ka tota re batla boipuso jole jwa maloba, go apewa kwa isong, ga tlatsa mme Segokgo. Dr Maripe o ne a tlhalosetsa morafe gore fa go ka tswelelwa go jewa ditagi phetelela, go tlaa felela go dira gore batho ba latlhegelwe ke matshelo, mme seo se dire gore batswakwa ba ba tseele lefatshe ka go dirisa di-tsa bone. Dirukutlhi di leleka balemi kwa masimo – kgosi A re go utlwisa botlhoko ka bone e le barutabana ba leka ka bojotlhe go baakanya bokamoso jwa bana mme bone ba sa tlhoafala. O ne a supa fa motshine oo o tlaa thiba phatlha ka dikole di lebaganwe ke kgwetlho e tona ya tlhaelo ya didirisiwa mo go amang tiro ya letsatsi le letsatsi ya baithuti. Mme Mosinyi a re lemme le ba neng ba le amogela, ba ne ba le dirisa go itshetsa mme bontlha bongwe ba bo boloka gore e re pheletsong ba itshimololele kgwebo. O kaile fa a ne a itisitse le tsala ya gagwe mo phaposing ya borobalo fa ba tlaa bona noga eo. Batho ba le bantsi fa ba akanya go tsena mo kgwebong ba batla dikgwebo tse di bogadi bo gaufi, e le ntlha nngwe ya go tila dikgwetlho tse gantsi di tlang le kgwebo. E rile a bua mo potsolotsong le BOPA bosheng, kgosi a supa fa ditsela tse di mo kgotleng ya gagwe di le mo seemong se se ngomolang pelo, bogolo jang fa dipula di tshologile. Rre Maele o ne a bolela fa marudi a ntlo ya ga Mme Monnawatlala a le mo go ene ka jalo ga go a solofelwa gore mongwe a ka mo kgopakgopetsa mo go yone mme go tshwanetse ga seka ga nna le dipuo tse di maswe ka a e agetswe. O supile fa bana ba ba lala ko maitisong mme batsadi ba sa tseye boikarabelo jwa go itse gore bana ba bone ba kae are mafelo a ke one a bana ba ba kopanang le dilalome tse teng. Babereki ba ne ba lekodisa tona ka matshwenyego a bone a tshwana,letlhoko la boroko,diofisi le didirisiwa,gotlhoka go tlhatlhosiwa maemo ,dipagamo,go okediwa dikitso le gona sebaka mo lefelong le le lengwe,go tlhoka go duelwa sentle . Rre Tsebekgale a re e le ba komiti ya balemi ba lemogilegore fa ba ka gokelelwa metsi le motlakase ko masimo ba ka bona thobo etokafala ka di ka ba tlhofofaletsa tiro. Kereke ya Living Faith Ministries kwa Mochudi e ne ya kgobokanya bagodi go lemoga botlhokwa jwa bone ka Matlhatso. Fa a tswa la gagwe, raboipelego wa Barolong Farms, Rre Kgakgamatso Ditshego o tlhalositse fa kgaolo eo e na le batlhoki ba le mmalwa jalo a lebogela seabe se kereke e se ntshitseng. O ne a tlatsa ka go re a puso e lemoga gore bana bao fa ba ne ba bona thotloetso ya batsadi ba ka bo ba dirile botoka. Kgosi Puso a re dikgosi di tla itlama go tsaya boikarabelo jwa go sokasoka morafe go dira tse di tshwanetseng go re go se ka ga kgatlhegelwa dingwao tsa mafatshe a mangwe. Ene ga a ise a letle gore o ka tsena mo seemong sa go nna motlhoki a tshela ka mophako. Mmabontle le rrabontle ba setlhopha seo Mphoentle Paakanyo le Kanana Mapongo ba ba tla a emelang toropo ya Selebi Phkwe ka boipuso jwa 2016 ba re ba sale ba ikgobokanya ka 2014 e le balekane mme ba tla ka megopolo e e ka tsisang pharologanyo mo setshabeng mme ba tla ka wa go sela matlakala le go leba botlhoki mo sepatela. O buile seo kwa moletlong wa go ipelela thobo o o neng o tshwaretswe kwa masimong a Dikogo ka Labone, Seetebosigo a tlhola malatsi a masome mabedi le borobabobedi. E ntse e le ka lone letsatsi leo, mopalamente o ne a buisa phuthego e nngwe kwa motseng wa Masukwane, mme banni ba metse eo ka boraro, gareng ga tse ba neng ba ikuela ka tsone ya bo e le letlhoko la boroko jwa badirelapuso ba ba direlang mo motseng ya bone, tiego ya ba lekgotla la kabo ditsha go abela baikopedi ditsha le go sa phatlaladiwa ga motlakase mo dintlheng tsotlhe tsa metse ya bone. Rre Seretse, re ke sone se puso e tsereng kgato gore go nne le batlhotlhomisi gammogo le basekisi go thusa mapodisi. Rre Seitsang o supile fa Kgosi Phologo-Seitsang a ne a tsena mo setilong sa bogosi morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe, Mmusi Phologo, yo o neng a setse a tlogetse tiro ya bogosi ka bogodi. Kgosi a re o lebogetse batsadi ba bana bao go tshwaragana le bogogi jwa motse go laola seemo se ise se bife. A re ka tirisano ya bone le ba Ipelegeng ba setse ba kgonne go agelela mabitla a a kwa Mmaphethu. Mme Kedidimetse o kopile gore ngaka a agelwe ntlo ya boroko, gore a nne gaufi le bone ka mo nakong eno a tswa Palapye. Rre Segadika o kaile gore gongwe fa ba ka epa ba ka kgona go fitlhela madi a bogologolo, dinaka le marapo a diphologolo mme ba a tlhatlhoba morago ba a ise kwa motlobong wa ditso go a somarela. Mme Samakha o rotloeditse Batswana go kwatabolotsa mo dikgwebong tse di leng teng a re fa motho a na le kgwebo o ka ipelega. E rile bosheng komiti ya balemi le ya dikgafela kwa Khudumelapye mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba abela Mme Mmamatlotla Mbolawa dikgetsi tsa mmidi di le tlhano, ya mabele le ya dinawa. Mokgatlho wa Dignity Trust Foundation o abetse bana ba sekole se segolwane sa Boikhutso mesangwana ya basetsanyana e le makgolo a mararo. A re o lebogela thotloetso ya ba lelwapa la gagwe le bakaulengwe ba kereke, dikompone tse di ikemetseng di tshwana le First National Bank, Stanbic Bank le Barcelos gammogo le Taskin Nine go tswa Gaborone. O buile jalo kwa thuto puisanong ya go lemotsha batsadi le batlhokomedi ba bana, ka go godisa ngwana mo go siameng le gone go abelana maele ka kgodiso ya ngwana. Kgosi Koboyakgomo o ne a tlhalosa fa se sene sa ba tshwenya thata mme ba tsaya matsapa go ruta morafe ka botlhokwa jwa go begela ba bogosi le sepodise fa bana ba dira sepe se e ka tswang e le botlhoko tsebe. Spirit Embassy e abela baithuti Fa a tswa la gagwe, Mme Matshidiso Mpayang go tswa kwa go ba kwadiso dikompone, o rotloeditse batsena phuthego go tlhama dikompone le go di kwadisa ka fa molaong, a supa fa e tlaa re ka Seetebosigo kwadiso ya dikompone e bo e dirwa ka maranyane. Rre Kaolatola a re o dumela fa jaanong ditoro tsa gagwe tsa go bona kgwebo e gola di tla a fetoga nnete e bile a tla kgona go tlhamela ba bangwe ditiro mme a supa fa katlego ya gagwe e ikaegile ka bopelotelele le lerato go fitlhelela ditoro tsa gagwe. Mothusa mokwaledi wa lephata, Rre Duke Masilo o ne a supa fa ba utlule mme e bile ba tlhaloganya dikgang tsa motse wa Lesenepole mme a re mo maineng a mabedi a a ntshitsweng, morongwa e bong Kgosi Seretse o tlaa ya go a bega. Go ya ka mookamela mapodisi a borwa Rre Oreeditse Mautle, mapodisi a Middlepits ba ile ba kopanya ditlhogo go tswa ka maano a go rotloetsa baithuti go tlhwaafalela dithuto tsa bone. Banni ba Moroka ba rutwa go boloka madi Bontsi jwa ba tsena bokopano joo, bo ne jwa dumelana le ene fa moretlwa ele molemo wa moithuti ntswa ba ne ba tlhalosa fa kgang ya go otlhaya moithuti ele matswakabele malatsi a gompieno. Moruti Gwu o ne a gwetlha batho go amogela Modimo, ka seo se ka ba thusa go rata le go ba ema nokeng ba ba tshelang le mogare, gore ba kgone go tshela ka kagiso le phuthologo ba sa boife sepe. Go itse tsamaiso go botlhokwa Mme Botsheleng a re e ne ya re fa a fetsa go dira se, batho ba supe kgatlhego, ba kope gore a ba direle. Rre Security Mokubate wa Makwate a re batho ba le bantsi mo motseng ga ba akole mananeo sentle, selo se a reng se ba beile ka fa mosing. A re fa dilo di ka tsamaya sentle, ba ikaelela go ya go fitlha kwa metseng ya Otse, Mogobane le Taung, ka le bone setlhopha se tla a bo se ba emetse. Mme Mooketsi a re FNBB e dumela gore go tsisa seriti le ditlamelo go tsosolosa thuto, ke ka moo e tlhophileng Kolonkwaneng go tsisa dibeke tsa motlakase ka ba lemogile letlhoko leo teng. Mokhanselara Motlhatlhedi o ne a re kereke ke yone botshabelo jwa motho mongwe le mongwe mme o ne a rotloetsa bagodi ba ba neng ba le ko modirong oo gore ba inaakanye le go tsena dikereke. A re puo ya Setswana e a latlhelelwa fa e kwalwa mme a rotloetsa Motswana mongwe le mongwe go kwala puo ya se ga bone ka manontlhotlho. Rre Thiite a re kwadiso ya ditsha e botlhokwa ka e thusa mo go direng mealo ya ditlhabololo tsa motse. Rre Seeletso Moipei ene o inaakantse le thuo morago gago abelwa dikgomo ka lenaneo la banana ka 2015. Fela jaaka kgokgontsho e golela pele ka dipalo tse di sisimosang mmele, manokonoko a a bakiwang ke kgokgontsho le one a golela pele ka dipalo tse di tshosang ka jalo e tshwanetse go emelwa ka dinao, ga dirwa tshotlhe tse di kgonegang, ke batho botlhe gore e nyelediwe gotlhelele. Rre Thapedi a re tiragalo nngwe e e neng ya mo utlwisa botlhoko bosheng ke e bangwe ba baithuti ba neng ba tlhaga mo sekoleng dithuto di tsweletse mme ba ya kwa merakeng mengwe ba ya go bolaya kgwathe. Mme Kachana o ne a kopa banni ba Gamodubu le mafelo a a mabapi go ba itshwarela ka jaana seemo se sa laolesege, mme mosi o tswa o le montsi thata. A re yo o tlhajwang thobega o ne a tlhamalatsa lonao kgotsa seatla se se robegileng mme go tshegediwe fa go robegileng ka dithito tse pedi tsa moretologa mme di lebaganngwe le lerapo le le robegileng. A re mme le pele ga moo seemo se ne se ntse se le maswe mme o kopa lephata la ditsela la khansele go thusa go tshela lekgarapana gore ditsela di lebege. Gape ke go lemoga seabe, maiteko le dikgwetlho tsa batho ba ba tshelang ka HIVAIDS. O bolela fa go tloga foo, go lema le go rekisa merogo ka go farologana e ne ya nna tiro ya bone ya tsatsi le letsatsi, mme e bile theko e ne e le e e nametsang. A re moikopedi o thuswa ka didirisiwa tse di tlhokegang mo kagong a bo a duelelwa moagi mme a re mo ngwageng tse tlhano tse di fitileng, baikopedi ba le makgolo a le mabedi le masome a robabobedi le borataro ba filwe dithuso tsa lenaneo le. Mookamedi wa moepo wa Jwaneng Rre Albert Milton o kopile makalana ka go farologana go nna le seabe mo go lwantsheng bogodu jwa diteemane. Modulasetilo wa khansele- potlana ya Letlhakeng Rre Meshack Tshenyego a re lephata la Botsogo le Boitekanelo la re le malala-a-laotswe go bona gore bolwetse jwa Coronavirus jo bo tlholegileng kwa China ka Sedimonthole ga bo jwelelele mono gae. Sekole se segolwane sa Matshekge kwa Bobonong se kailwe fa se dira sentle mo metshamekong e tshwana le kgwele ya dinao, mabole, bolo-tloa le e mengwe. Ditshupo tse di ne tsa konotelelwa ke kabo ya ditlankana mo go ba ba dirileng sentle go ya ka ditlhophana tsa dikgwebo tsa bone go akaretsa baroki,babetli, babopi le ba ba dirisang tse di sa tlholeng di le mo tirisong go dira ddirisiwa tse dingwe. Rre Kgafela o ne a lebogela seemo sa dikago tseo, ka jaana tiro e e dirilweng mo go tsone e le ya ma-tswa diatleng, mme e bile go dirisitswe didirisiwa tse di nang le boleng. O tlhalositse fa sekole seo se gapile maemo a bone e bile gape baithuti bangwe ba kgonne go ikgapela dietsele. Mokgatlho oo itebagantseng le go lwantsha kgokgontsho ya bong kwa motseng wa Sebina o itemogetse koketsego ya dipalo tsa baikuedi ba ba kgokgontshiwang. O tlhalositse fa dikiteo tse di diragala segolo bogolo kwa marekisetsong a majalwa ka dinako tsa maitiso, mme e bile di ama batho ba ba nnang mmogo ba sa nyalana. Mosele wa pula o epiwa nako e sa le gale Rre Makosha a re se se thusa banana fela thata ka ba batla gore ba seka ba nna le nako ya go jewa ke bodutu mme morago ba felele ba itshietse majalwa a a borai a setso. Kgosi Mangongorego o tlhokafala a le dingwaga tse di masome a mane le borobabongwe (49) mme o simolotse tiro ka 1998. O ne a kopa setshaba go nna le mowa wa go bega sepe se ba se belaelang e le sa bogodu, le go emisa go reka dithoto tse ba di belaelang e le tsa bogodu. Rre Gaborone a re go botlhokwa thata gore batho ba ba lesego mo botshelong ba lebe letlhoko la ba ba tshelang le bone mme ba ba thuse. Mogokgo o supa fa ba tlhoka koloi e e ka rwalang bana ba ba nnang kwa masimong a Masama le Motlhabaneng go ya le go boa kwa sekoleng ka go le sekgala. Go kaiwa fa batsadi bangwe ba itse ka seo mme ga ba re begele sepe, ga bua mogokgo. Le fa go ntse jalo, Mme Ramaribana a re go botlhokwa gore makalana ka go farologana ba ithute puo e e dirisiwang ke ba ba senang puo le kutlo. A re komiti e tshwanetse go nna e etela kwa di ofising tsa ga mmaboipelego go mo lekodisa ka tsa motse wa bone le gore a ba tlhalosetse ka mananeo a ba ka a tsayang go leka go tokafatsa matshelo a bone. A re e ne ya tsala mme ya oketsega go nna masome a matlhano le bone, mme mo nakong ya gompieno o setse a rekisitse e le lesome le bobedi. A re bangongoregi ba kopana le babelaelwa kwa bothokong mme morago ba tsholole kgang ka ba itshwarelanye. O boletse fa jaanong go setse go na le kgang ya gore bana bangwe ba tsaya dipilisi tsa diritibatsi ba di tlhakanya le mantle a bone ba bo ba dira tagi. Mme Morwe o boletse fa letlhoko le lengwe la bone e le motlakase o a reng o kgoreletsa tiro. Mongwe wa banana ba ba thusitsweng ka lenaneo la Youth Development Fund (YDF) kwa Moshupa o gatetse pele ka kgwebo ya dijo. A re bosheng, lephata la botsogo le tlhophile dikoloi di le 177 go tswa kwa dikoloing tse di kwa CTO mme la di baakanyetsa go di dirisa mo dikokelong le dikokelwaneng. Magodu a leruo a tlaa emela tsheko mo kgolegelong, e bile gape molao o o letla gore le fa motho a sa amege mo go utsweng leruo, mme a adimile batho koloi kgotsa sengwe ba utswa, motho wa go nna jalo le ene a sekisiwe, a tlhalosa. O kaile fa ka dinako dingwe a ne a thapiwa go kgabisa kwa manyalong le ka nako ya mediro kwa dikgotlengi. E ne ya re ba akgela barutabana ba supa fa ba diretse lefatshe leno ka jalo ba tlhokana le go lemogwa ka dinako tsotlhe, fa bangwe ba ne ba re go na le tlhakatlhakano ya gore makgotla a babereki jaanong a fetogile a sepolotiki. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa lenaneo la nyeletso lehuma mo Kgatleng Mme Khutsafalo Mogotsi o rotloeditse badirisi ba lenaneo le go itsaya tsia gore ba kgone go atlega. A re mo nakong e nngwe ba iphitlhela ba le ka fa tlase ga kgatelelo, mme ba tlole molao, ba dire se babueledi, bo mmakaseterata le mapodise ba reng ba se dire ntswa ba ntse ba lemoga gore ga go ka fa tsamaisong. Temo e e tlhabolotweng bokamoso O ne a gatelela tiriso ya puo ya Setswana le gone go somarela ngwao, a re batho ba tshwanetse go ipelafatsa ka sekano le pina ya setshaba. A re se se teng gape kwa makgotleng a ditlhabololo tsa metse, a Village Development Committee, ka jaana go se bonolo go bona banana ba inakantse le one. A re o maswabi ka batho bangwe ba ne ba akanya gore o tlaa ganelela mo setilong. Mothusa mookamedi wa lephata la dikgwa le dibapalwa nageng, Rre Joshua Moloi a re ba ipaakanyeditse paka le kgonagalo ya melelo ya naga mono ngwaga. Mapodisi a a direlang mo kgaolong ya Good Hope-Mabule, baruti, maloko a dikereke ka go farologana le badirelapuso, e ne ya re mo bekeng e, ba phuthaganela fa makopanelong a ditsela tsa Good Hope, Ramatlabama le Pitsane go rapelela tsela eo. Dr Somolekae o ne a nna le sebaka sa go etela dikokelwana tsa Lecheng le Malaka go bona bodiredi le ka fa ba tshelang ka teng le sone seemo sa melemo. A re Batswana ba itlhokomolositse ngwao ya bone, ba kgatlhegela dingwao tsa batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, o tlhalositse fa ba sa jesiwe diwelang ke dikgotlhang tsa lefatshe tse di bakwang ke go lwela melelwane le go tlhatlagangwa ga ditsha. Kgosi wa kgotlana ya Metsiaela, Rre Alfred Petelelo a re morafe wa gagwe o kgonne go agelwa matlwana a boitiketso mo malwapeng ka thuso ya boeteledipele jo bo nonofileng jwa ofisi ya ga molaodi le khansele ba sena go kopa madi kwa komponeng ya Debswana. Khansele e kopela maloko a PTA dikatso Are le fa go ntse jalo ga a ipone tsapa ka a santse a emetse go kopa dithuso kwa go ba ofisi ya banana. Kgosi Bampusi o ne a tlhalosa fa komiti ya ditlhabololo tsa motse le yone e ka seke e kgone go leka go dira dikholobete tse di ka thusang go fetisa metsi a pula, pele ga ditsela di ka tshelwa sekontere ka go dira jalo e tlaa bo e le ditshenyegelo ka di tlaa ntshiwa fa ditsela di tshelwa sekontere. O boletse fa mogare wa corona o anama ka lebelo le le kwa godimo thata, mme go batla babereki ba ititaya ka thupana go ipabalela. Kgosi Somolekae o kopile mopalamente go re ba thusiwe ka bodiredi, a ka ba na le letlhoko la bakwaledi. World Group of Companies e solofeditse fa e tlaa rekela sekole seo dipente. Mothusa kgosi wa Sefhare, Kgosi Mpeo Mpeo o ne a supa fa a itumelela thulaganyo ya go tsosolosa mokgatlho wa ba-na-le-bogole mo kgaolong ya bone. Go obamela matshwao go fokotsa dikotsi Puso ya lefatshe leno e ipeetse seelo gore ka ngwaga wa 2016, Batswana lefatshe ka bophara e bo e le tshaba e e rutegileng gape e na le kitso e e nitameng e le maleba. A kopa gore ba fudusetse mo kgaolong ya boteti. A re seo se ba tshwenya thata ka se ba itsa go lwantsha bogodu jwa leruo jo bo tsweletseng ka go golela godimo. E rile ba bua kwa phuthegong ya kgotla e neng e buisiwa ke mopalamente wa Tati Bophirima, Rre Biggie Butale bosheng, ba tlhalosa fa ba ne ba lemile mo go kgathisang mme e ne ya re dijwalo di gola ditholo tsa dira go swela. A re mo Goo Tawana go na le merafe e e farologaneng e e tshwanetseng go tsewa ka tekatekano gore go seka ga nna le semorafe. O tlhagisitse baba amegang go itse fa go se ka fa ba ka tsietsang tsamaiso ka teng, ka go thalosa fa thulaganyo e tsepameng e dirilwe go kgaoganya tiriso ya lefatshe (layout) go itse gore tebego ya kgaolo ene entse jang nako ya fa go dirwa moalo ka 2009. Kgosi ya Mogonono mo kgaolong-potlana ya Lentsweletau, Mme Goitseone Sekgwa, a re lekgotla la twantsho borukutlhi mo motseng wa gagwe le dira sentle. Banni ba Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng ba re ba ikaeletse go keteka boipuso jo bo pharologanyo le jwa dingwaga tse dingwe monongwaga ka ba batla go busetsa serodumo sa boipuso le ngwao e go lebegang e nyelela. Morago o ne a rapelela pula O ba rotloeditse gape go tshegetsa mowa o montle o, a tlatsa ka gore go a itumedisa go bona morafe o omoga ka dipalo tse di kwa godimo fa kgosi a ba biletsa tiro epe fela kwa kgotleng. Rre Shathiso Daki o buile se kwa Tonota mo kgweding ya go lwantsha mogare o mme a re banni ba tshwanetse gore ba itshekatsheke gore ba nnile le seabe go le kae go lwantsha HIV ka e le maikarabelo a mongwe le mongwe. A re se se ngomolang pelo go feta ke gore le bone bathapi ba batho bao o fitlhela ba sa itse motho yoo ka ba ipitsa ka maina-ina a a sa tlhomamisegeng. Modulasetilo a tlhalosa fa ba dirisitse P1 000 go tswa mo letloleng la komiti ya bone go reka dimpho tseo. O ne a tlhalosa fa letlhoko la molemisi mo motseng wa bone e le sone se se ba kgobang maropa le go feta ka go sena gope ko ba kopang dithuso teng. Kgosi o kopile gore go baakangwe molao gore fa motho a tshwarwa ka leruo la bogodu, a seka a letlelelwa go emela tsheko kwa ntle ga kgolegelo. O ba lebogetse go bo ba le moono mo go tlhomeng kgosana, go sena dikgogakgogano. Tona wa Dikgaolo le Tlhabolo Magae, Rre Slumber Tsogwane,o kopile babereki ba lephata la gagwe go dira tiro ya bone ka nata. Mme Motswetla a re kamano ya tsa botaki go tswa bonnyennyaneng jwa gagwe le lorato le le tseneletseng di ile tsa gola thata mo a feletseng a dira dithuto tsa botaki kwa dikolong tse dikgolwane tsa Nanogang Junior Secondary School le Naledi Senior Secondary School kwa a feletseng a tsaya A le B ka tatelano. A re se se ngomolang pelo ke gore batho ba ba dirang ditiro tsa go nna jalo ke bomme ba ba nang le bana e bile ba le mo seemong sa go nyalwa. Kgosi Nkgageng o ne gape a rolela hutshe banana ba Tati Siding, a re go ikitaya ka thupana ga bone go tsena ditiro tsa motse segolo jang diphuthego tsa kgotla, go tlhapisa pelo. Ka jalo ba gwetlha ope fela yo o nang le keletso e e tshwanang le ya bone go tia moko go emelelana le dikgwetlho tse ba ka kopanang le tsone. Mo nakong e, Mme Moupanaga o thapile kgaitsadie go mo thusa ka tiro ya go apaya e le ntsi fela thata. Erile a bua ka mathata a a kgoreletsang maiteko a bone a bolela fa komiti e bona mathata ka nako ya fa batsadi ba ba berekang Ipelegeng, dikatso tsa bagodi le badisa ba amogetse a re go nna tlhakatlhakano ga gona mogolo le ngwana go nowa majalwa go a lowa ebile bana ba tlogela sekole ba sia le batsadi. Mogokaganya ditiro mo kgaolong ya borwa, mo lephateng la tlhabololo banana metshameko le ngwao, Mme Malebogo Mosala o lebogile thata bogogi jwa Lobatse, a re dinako tsotlhe ba fa lephata kemo nokeng. Rre Dibotelo o ntshitse thotloetso eo, morago ga go lemoga fa go ne go sena mogwebi ope yo o neng a rekisa mo letsatsing leo, le ntswa badiri ba maphata ba ne ba tlhokana le dijo, e le tsela nngwe ya go tsholetsa bagwebi ba motse oo. Banni ba Itholoke mo kgaolong ya botlhophi ya Jwaneng/Mabutsane ba lela ka letlhoko la metsi le motlakase le ba reng le ba itsa go tlhabologa le go akola mananeo a puso. O rotloeditse bana go nna ba dirisa motlobo wa dibuka ka nako tsotlhe e ka tswa e le e e mo mafelong a bone kgotsa mo ditoropong fa ba etile go oketsa dithuto tsa bone. A re ba tlaa di agela bodilo gore di seka tsa tsenya badirisi dingalo fa ba aga metsi, a ba a solofetsa fa WUC e tlaa tlhomamisa gore di nna fela di na le metsi. O ne gape a re yo o neng a tlhaba thobega o ne a tshwanetse go totla le go ilela letsatsi leo tka go sa omana, go rogana, go lwa kgotsa go tenega go fithelela la ka moso le tlhaba. Go ya ka mongwe wa masika a moswi, Rre Donald Seitsang, kgosi o simolotse go etelela morafe wa Makopong ka ngwaga wa 1982 go fitlha a tlhokafala. A re e re ka Batswana bangwe ba inaakantse le go gweba ka thekiso ya lefatshe, go ipaya lefatshe ntleng le tetlelelo ya makgotlana a kabo ditsha le go ikgatholosa go tlhabolola ditsha tse ba di abetsweng, ke sone se palamente e tsereng tshwetso ya gore batho ba ba sa tlhabololeng ditsha tsa bone mo dingwageng tse di masome a mararo ba di amogiwe gore di neelwe Batswana ba bangwe ba ba ka tswang ba tlhoka lefatshe la bonno. Fa a araba selelo sa bone, mopalamente o ne a tlhalosa fa puso e beetse fa thoko P19 million go tla go araba selelo sa letlhoko la metsi. A re kgato e Tautona Dr Khama a e tsereng ya go letla gore molelo wa kgolagano o tsamaye motse le motsana lefatshe lotlhe o tsisa kagiso le lorato mo gare ga Batswana bogolo jang ka Motswana mongwe le mongwe a nne kwa a ratang teng. O ne a tlatsa ka go re ba tlhamile dikomiti tse ba eletsang gore morafe o nne le baemedi mo go tsone. Mokhanselera wa Mmaphula Botlhaba, Rre Mphoentle Kabelo ene o ne a re mafoko a ga modulasetilo a gore ba buisana le mogwebi mongwe ka kgang ya matlakala, ene o bona kgang eo e ne e kabo e ne ya bulela mongwe le mongwe go ka e ipapaletsa go na le go e neela batho ba ba tswang kwa ntle ga lefatshe leno. Rre Kgosiyabone a re maiteko a mofuta o, a ka thusa go fenya dikgang tse di tshwenyang mo setshabeng. Fa a ema babereki ba LIPAHP ka lefoko, o ne a ba rotloetsa go itoma melomo ya tlase le ntswa ba lebanwe ke kgwetlho ya letseno le le kwa tlase, go thusa lephata go kgona maitlamo a go thusa go lwantsha letlhoko la boroko mo go ba ba ’kobo dikhutshwane. Tsamaiso e ngongora banni ba Mokubilo Go diragatsa toro e ya bone, Mme Kavurase-Sedio a re ba tsweletse ka go kokoanya madi ka ditsela tsotlhe tse ba ka di kgonang jaaka go koleka, go kopa dithuso mo morafeng le go rekisa borotho le supu fa pele ga kokelwana. Maphata a puso le morafe ba a itshekatsheka Mme Molubi o kopile borre gore ba emise tumelo ya gore fa ba ka ya go bega gore ba a kgokgontshiwa mapodise a ka ba tshega. Mokhanselara wa Paje, Mme Ruth Kadisa ene a re, selo se sengwe se se ngomolang pelo ke gore batho ba sale ba rekelwa melemo ya dipodi le dijo tsa dikoko mme di tloga di senyega ka jaana ba ise ba neelwe diruiwa tseo, a re o ipotsa gore jaanong ke mang a yang go duelela ditshenyegelo tseo. Kgosi Bompoetse Gotshwanetse wa Mhalapitsa o tlhalositse mo phuthegong ya kgotla gore ba tlhorontshiwa ke magodu a leruo a a tlhotlhelediwang ke beng ba marekisetso a nama. E rile a tsibogela matshwenyego a morafe, mmaboipelego wa kgaolo Mme Pearl Molapisi a tlhalosa fa lebaka la gore dilo di bo di le bonya e le gore ba ba filweng boikarabelo jwa gore ba tlise didirisiwa ba bo ba le bonya le go dira tiro ya bone. Mo go tse dingwe, Rre Sesinyi o gakolotse setshaba go netefatsa gore ga ba tlogele malapa a le nosi ka nako ya Keresemose go thibela gore dirukutlhi di sale di ba senyetsa. Fa a ba araba, mopalamente Kablay o supile fa a nna a bua ka tsela ya Botlhapatlou kwa palamenteng, a bo a bolela fa puso e adimile P10 billion kwa China go tla go dira ditsela a bo a supa fa a letile gore a o tlaa fiwa serwe mo mading ao. A re go bo batho ba kgaolo eo ba mo ntshitse kwa khanseleng ba mo isa kwa palamenteng ba kgotsofalela tirisano mmogo ya gagwe le bone. Mothusa kgosi wa Letlhakeng, Kgosi Tumelo Puleng, o kgadile banni ba motse oo ba ba sa tseneng diphuthego tsa kgotla. Sebui se sengwe Rre Duncan Marumola a re ene o nnile leloko la Sefapaano se Sehibidu ka ngwaga wa 1971, a sale kwa sekolong se sebotlana. E ne erile gole pele mo mafokong a kamogelo, Kgosi Moatlhodi Kgabo, a lekodisa tona fa bodirela puso kwa Medie bo tshwenngwa ke pharologanyo ya dituelo tsa madi a RASA a a duelwang bodiredi jo bo kwa mafelong a a kgakala le ditlamelo. Fa a ntsha la gagwe, mokhanselara wa kgaolwana ya Selemela Rre James Matlhogojane a re pego ya ga ratoropo e a amogelwa le mororo bothata jwa matlakala e le bothata jo bo tsweletseng mo toropokgolo mme bo tshwanetse go tsibogelwa. Mogokaganyi wa ofisi ya ditogamano tsa puso kwa lephateng la selegae le ditlhabololo tsa dikgaolo Rre Lewis Malikongwa o gwetlhile balaodi ba dikgaolo tsa bokone go tshwaragana le dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse (VDC). A re go tsile go dirisiwa baitseanape ja maranyane a a faphegileng go tlhotlhomisa dikgang tsa bogodu ja leruo go thusa go nonotsha bosupi. Kwa Pole Kgosi Clinic Ketlogetswe le ene o ne a kopa mopalamente go ba kopela tekodiso ka seemo sa tsela, a tlatsa ka go re paka ya dipula e tloga e ba fitlhela, mme bana ba palelwe le ke go ya dikoleng. A re barutabana ba tshwanetse go dirisana sentle le bana go rotloetsa tshosologo mme ba rotloetse bana go tlhama mekgatlho e e thusang go ema kgatlhanong le tlhotlheletso e e sa siamang go tswa mo ditsaleng. Ba IHS ba aba ntlwana ya matlakala O ne a tlhomamisetsa batsena moletlo oo fa ba tla dirisisa diofisi tse di lopileng madi aa kanang ka P1,608,745.00 tse di agilweng ka lenaneo la ipelegeng, tse di nang le dikammore di leng thataro di akaretsa mabeelo a dirisiwa, ya boapelo le matlo a boithomelo a le mabedi ba tla di dirisa ka manontlhotlho ka go di tlhokomela ka nako tsotlhe. Mopalamente wa kgaolo ya Ghanzi Bokone, Rre Noah Salakae a re barua-kgomo ba tshwanetse go dira tse mafatshe a Yuropa a se tlhokang gore dikgomo tsa bone di ba busetse. Mogolwane go tswa kwa lephateng la botsogo, Mme Sekani Chikunyana, o ntshitse kakgolo go sena go rutuntshiwa babereki ba ba direlang kwa dipolaseng tsa Sherwood le tse di mabapi ka HIV/AIDS ka mafelo a beke. Fa ba tswa la bone, banni ba Mulambakwena ba ne ba supa matshwenyego a le mmalwa a dingwe tse di ba amang mo motseng wa bone jaaka tlhaelo ya metsi, go sa atolosiwa ga motlakase mo dintlheng tsotlhe tsa motse, tlhaelo ya matlo a boroko jwa barutabana le tse dingwe. A re kgwetlho e tona e a e itemogetseng ke ya kgaisano e a e fiwang ke ba poso, ka jaana ba dira ba bo ba rurifatsa meriti ya ditankana le Omang, selo se ene a sa se direng, ka a sena tetla ya go rurifatsa. Mapodisi a boloditse letsholo O ne a tlatsa ka go tlhagisa gore fa batho ba tlhokile kutlwisisano ba itlotle ba nne fa fatshe ba bue ka jaana Motswana a rile ntwa kgolo ke ya molomo e bile molemo wa kgang ke go buiwa. Botshwakga bo jesa leswe Bogadi ke jone bo fang lenyalo kana Rre seriti se monna ope a neng a ka seke a se itlhokomolose fa a tsena mo nyalong ka jalo a bo ntshe go supa fa ka boammaaruri a ipaakanyeditse e bile a ikemiseditse go nyala go sa kgathalesege katlholo e e tlaa bewang fa pele ga gagwe. Rre Onkabetse Petlwana go tswa kwa lekalaneng le le thusang ba ba amegileng mo dikotsing tsa tsela la Motor Vehicle Accident Fund (MVA) o tlhalositse fa go golafala le go latlhegelwa ke matshelo mo go bakwang ke dikotsi tsa tsela go ama itsholelo. Mosekaseki wa tsa temo-thuo kwa lephateng la tshekatsheko ya temo-thuo, Rre Oaitse Monei, a re mogare wa HIV o nnile le karolo e tona mo go fokotseng go ntshiwa ga dijo mo lefatsheng ka bophara. O ne gape a akgola tirisano mmogo e e teng magareng ga maloko ao, a tlhalosa fa e tlaa ba isa kgakala. O boletse fa Batswana ba tswa kgakala ba thusana ka go abelana mafisa le ka letsema e le sesupo sa lorato le go eleletsa ba bangwe dilo tse di siameng. O buile jalo kwa letsatsing la ngwao le le neng le tshwerwe kwa sekoleng se sebotlana sa Serorome kwa Palapye go ruta bana ka ngwao. Rre Bogosi a re se ke sekao se se papametseng, se se supang fa banana ba ikgatholosa tsamaiso ya puso ya batho ka batho, e e nontshiwang ke go bona bontsi bo tsaya karolo. E re jaaka malatsi a paseka a atumetse, e bile tiriso ya ditsela e tlaa bo e tsholetsega mo malatsing a, boeteledipele jwa kgaolo bo ne jwa bona go le botlhokwa go lebisa matlho le tumelo ya bone kwa Modimong go kopa tshireletsego le pabalesego jaaka ba tsaya mesepele go leba kwa mafelong a a farologaneng. O ne a gwetlha bogolo jang bomme go tsaya malebela mo go ene ka gantsi e le bone ba ba tshabelelwang ke lehuma, go itirela e seng go baya morwalo otlhe fela mo pusong. O ne a tswelela ka go tlhalosa fa palo ya bana ba sekole seo e le 604 mme ba le 414 e le ba ba nnang mo sekoleng, a kaya fa palo eo e le ntsi ka ebile matlo a boroko le one a tlhaela. Superintendent Mbengwa o bile a kopa dikgosi go ya kwa morafeng go ba bolelela ka maikaelelo a go tshwara thuto-puisanyo e. Setlhopha sa Letlapeng se tlaa tshwara moletlo wa phenyo Mme Sekhonzizo o supile fa Mme Toto a itse go tshwara sentle bareki le go tsisa dithoto ka nako. O supile gape fa dikai tsa mofuta o wa kgokgontsho di akaretsa dipolaano tsa banyalani kgotsa baratani, go raga le gone go kgarametsa tota. O kgadile dikakanyo tsa gore go tlatsa diforomo go thata, ka gantsi batho ba go nna jalo ba ise ba dire maiteko a go e dirisa. Bomme ba inaakanya le tiro ya diatla A re o ne a ya go ikuela kwa go ba sepodisi le ba lephata la diphologolo ba ba ileng ba bolaya noga eo, e e neng e bifile thata mo letsatsing le le latelang. Bogodu jwa leruo bo shakgaditse Salepito Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Moloi a re o ruta bana khomputara go simolola mo dingwageng tse tharo. O ne a akgola kokelwana ya Kubung a re e itshupa fa e setse e godile thata ka a re e kgona go amogela bana ba feta makgolo a matlhano ba dingwaga tse tlhano mme a re sebe sa phiri ke gore ba le boferabongwe mo go bone ba supile fa ba tlhaela dikotla. Bakwena ba amogela dikgakololo Rre Gaoforwe o buile mafoko a kwa ditshupong tse di neng di tshwaretswe mo Mahalapye ka fa tlase ga setlhogo se se reng kitso le botsipa ja ditsatlholego konokono ya go nyeletsa lehuma bosheng. Modulasetilo wa khansele potlana ya Tutume, Rre Phillip Makale o lebogile mokwaledi gammogo le modulasetilo wa khansele ya Legare go bo ba tsisitse morero mo go bone pele, a re seo ke tshwanelo e bile ke tlotlo go lemoga boleng jwa bone gore dikgang di simolole ka bone pele ga di ya kwa setshabeng. Mapodisi a kopa tirisanyo-mmogo Ba tlhalositse fa ba sena kwa ba lemang teng ba re le yone naga ya mafudiso e ngotlegile ka ntlha ya dipolasi tseo le moepo wa magala. Bosheng jaana mo kgaolong ya botlhophi ya Mmadinare, mo motsaneng wa Diloro dikhilomithara di ka nna masome a supa mo bokone jwa Palapye go ne go le boitumelo jo botona fa batsadi, baratubana le bana ba sekole ba ne ba itumelela maduo a lekwalo la bosupa. Mo nakong ya gompieno batho ba ba neng ba bona dikgobalo mo kotsing ya bese, mme ba roibaditswe mo kokelong ya Mahalapye ke ba robaditsweng mo kokelong ya Mahalapye ke basadi bale barataro ba bangwe ba bone ba robegileng maotlo. A re jaaka kereke maitlamo a yone e le go gakolola, go aga le go rerela setshaba lefoko la Modimo, ba itebagantse gape le go ngokela banana mo kerekeng ba eteletswe pele ke komiti ya banana. A re malwapa a tlhaktlhakane ka ntata ya borre ka jalo go tshwanela gore ba itshekatsheke ka bonosi ba bone gore seabe sa bone ke eng mo dilong tse di maswe tseo. Mme Ntshwabi o boletse fa go tshwenya go se bege dikgang tseo ka ko pheletsong batho ba felela ba itseetse molao mo diatleng, a re dipatlisiso di supa fa kgokgontsho e bonala thata mo go bomme le bana ba basetsana le baratani.